Modimo o tlhodile legodimo le lefatshe mo tshimologong. Lefatshe la bo le tobekanye, le se na sepe, go le lefifi godimo ga bodiba; Mowa wa Modimo o kala mo godimo ga metsi. Modimo wa re: “A go nne lesedi!” Mme lesedi la nna teng. Modimo wa bona lesedi fa le le molemo. Ke fa Modimo o kgaoganya lesedi le lefifi, wa bitsa lesedi “Motshegare”, lefifi lone wa le bitsa “Bosigo”. Mme ga nna mantsiboa, ga ba ga nna moso, e le letsatsi la ntlha. Modimo wa ba wa re: “A go nne loapi fa gare ga metsi! A lo kgaoganye metsi.” Mme ga dirafala jalo. Modimo wa dira loapi go kgaoganya metsi a a kwa tlase ga loapi le metsi a a kwa godimo ga loapi. Modimo wa bitsa loapi “Legodimo”. Mme ga nna mantsiboa, ga ba ga nna moso, e le letsatsi la bobedi. Modimo wa ba wa re: “A metsi a a kwa tlase ga legodimo a phuthegele kwa felong go le gongwe gore go bonale mmu o o omileng.” Mme ga dirafala jalo. Modimo wa bitsa mmu o o omileng “Lefatshe”, phuthegelo ya metsi yona wa e bitsa “Lewatle”. Modimo wa bona, fa go le molemo. Modimo wa ba wa re: “A lefatshe le tlhoge botala jo bonana, e bong merogo e e nang le peo le ditlhare tse di ungwang maungo mo lefatsheng ka fa mefuteng ya tsona, a peo ya tsona e leng mo teng ga one.” Mme ga dirafala jalo. Ke fa lefatshe le tlhoga botala jo bonana, e bong merogo e e nang le peo ka fa mefuteng ya yona, le ditlhare tse di ungwang maungo ka fa mefuteng ya tsona a peo ya tsona e leng mo teng ga ona. Modimo wa bona, fa go le molemo. Mme ga nna mantsiboa, ga ba ga nna moso, e le letsatsi la boraro. Modimo wa ba wa re: “A go nne masedi mo loaping lwa legodimo a a kgaoganyang motshegare le bosigo, a a dirang ditshupo le dipaka tse di laotsweng le malatsi le dinyaga. A e nne masedi mo loaping lwa legodimo a a bonesang lefatshe.” Mme ga dirafala jalo. Modimo wa dira masedi a magolo a le mabedi; lesedi le legolo e le le le laolang motshegare; lesedi le lebotlana e le le le laolang bosigo; le dinaledi wa di dira. Modimo wa a baya mo loaping lwa legodimo gore a bonese lefatshe, a laole motshegare le bosigo, a kgaoganye lesedi le lefifi. Modimo wa bona, fa go le molemo. Mme ga nna mantsiboa, ga ba ga nna moso, e le letsatsi la bone. Modimo wa ba wa re: “A go nyeule bontsi jwa dilonyana tse di phelang mo metsing; le dinonyane di fofe kwa godimo ga lefatshe fa tlase ga loapi lwa legodimo!” Modimo wa tlhola maruarua le dilo tsotlhe tse di phelang tse di itshikinyang, tse di nyeulang mo metsing ka fa mefuteng ya tsona, le dinonyane tsotlhe tsa mafofa ka fa mefuteng ya tsona. Modimo wa bona, fa go le molemo. Le gona wa di tshegofatsa wa re: “Atang lo ntsifale lo tlale mo metsing a lewatle! Le dinonyane a di ate mo lefatsheng!” Mme ga nna mantsiboa ga ba ga nna moso, e le letsatsi la botlhano. Modimo wa ba wa re: “A lefatshe le ntshe diphedi ka fa mefuteng ya tsona, e leng diruiwa le digagabi le diphologolo tsa naga ka fa mefuteng ya tsona.” Mme ga dirafala jalo. Modimo wa dira diphologolo tsa naga ka fa mefuteng ya tsona le diruiwa ka fa mefuteng ya tsona le digagabi tsotlhe tsa naga ka fa mefuteng ya tsona. Modimo wa bona, fa go le molemo. Modimo wa fela o re: “A re direng batho ka fa setshwanong sa rona ba ba tshwanang le rona gore ba laole ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa legodimo le diruiwa le lefatshe lotlhe le dilo tsotlhe tse di gagabang fa fatshe.” Jaanong Modimo wa tlhola batho ka fa setshwanong sa ona, wa ba tlhola ka fa setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola e le monna le mosadi. Modimo wa ba tshegofatsa, Modimo wa ba raya wa re: “Atang lo ntsifale, lo tlale ka lefatshe, lo le laole, lo buse ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa legodimo le diphedi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe.” Modimo wa ba wa re: “Bonang, ditlhogi tsotlhe tse di nang le peo tse di mo lefatsheng lotlhe le ditlhare tsotlhe tsa maungo a a nang le peo ke di lo naya gore e nne dijo tsa lona. Mme fa e le diphedi tsotlhe tsa lefatshe le dinonyane tsotlhe tsa legodimo le dilo tsotlhe tse di gagabang fa fatshe tse di nang le mowa wa bophelo tsona ke di naya ditlhogi tsotlhe tse ditala go nna dijo tsa tsona.” Mme ga nna jalo. Jaanong Modimo wa leba dilo tsotlhe tse o di dirileng, wa fitlhela di le molemo thata. Mme ga nna mantsiboa ga ba ga nna moso, e le letsatsi la borataro. Go ne ga wediwa legodimo le lefatshe jalo le masomo otlhe a a mo go tsona. Ka letsatsi la bosupa Modimo o ne wa wetsa tiro ya ona e o e dirileng; wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa, o sena go fetsa tiro yotlhe ya ona e o e dirileng. Mme Modimo wa tshegofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa; ka gonne Modimo o ne wa ikhutsa ka lone o sena go fetsa tiro yotlhe ya ona e o e tlhodileng ka go e dira. Ditirafalo tsa legodimo le lefatshe, fa di tlholwa, ke tse: E rile ka motlha o Morena Modimo o dirileng lefatshe le legodimo ka ona ga bo go ise go nne ditlhatshana dipe tsa naga mo lefatsheng, go ise go mele botala bope jwa naga; ka gonne Morena Modimo o ne o ise o nese pula mo lefatsheng; le gona go se na motho yo o ka lemang naga. Fela ga tla mouwane mo lefatsheng, wa kolobisa mmu otlhe wa naga. Ke fa Morena Modimo o bopa motho ka lerole la mmu, o budulela mowa wa bophelo mo dinkong tsa gagwe; motho a nna mophedi jalo. Jaanong Morena Modimo wa dira tshimo kwa Etene mo ntlheng ya botlhabatsatsi, wa baya motho teng yo o mmopileng. Morena Modimo wa tlhogisa ditlhare tsa mefutafuta teng, di medile mo lefatsheng, e le tse di eletsegang mo matlhong, tse di monate go jewa. Setlhare sa bophelo sa bo se le fa gare ga tshimo mmogo le setlhare sa kitso ya molemo le bosula. Noka ya bo e tswa mo Etene go nosa tshimo eo; fa e sena go tswa teng, ya kgaogana, ya nna dinoka di le nne. Leina la ya ntlha ke Phišone; ke yona e e potologang lefatshe lotlhe la Hawila kwa gouta e leng teng. Gouta ya lefatshe leo ga e a pekwa; teng go na le boroku jwa bedula le majwe a a tlhokegang a šohama. Leina la noka ya bobedi ke Kihone; ke yona e e potologang lefatshe lotlhe la Ethiopia. Leina la noka ya boraro ke Hitekele; ke yona e e elang mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Asiria. Noka ya bone ke Ferathe. Morena Modimo o ne wa tsaya motho, wa mmaya mo tshimong ya Etene gore a e leme, a e dise. Morena Modimo wa laela motho wa re: “O ka ja mo ditlhareng tsotlhe tsa tshimo ka kgololesego. Fela setlhare sa kitso ya molemo le bosula sona o se ka wa se ja! Gonne ka letsatsi le o se jang, o tlile go swa.” Le gona Morena Modimo wa re: “Ga go molemo fa motho a nna a le nosi fela; ke tla mo direla mothusi yo o mo tshwanetseng.” Jaanong e rile Morena Modimo o sena go bopa diphedi tsotlhe tsa naga le dinonyane tsotlhe tsa legodimo, wa di isa kwa mothong go bona, ka fa a tla di bitsang ka teng gore mafoko otlhe a motho o tla bitsang diphedi ka ona, e nne maina a tsona. Diruiwa tsotlhe le dinonyane tsotlhe tsa legodimo le diphologolo tsotlhe tsa naga motho a di taya maina, mme motho a bo a se na mothusi yo o mo tshwanetseng. Ke fa Morena Modimo o thulametsa motho; ya re a sena go robala, wa ntsha longwe lwa dikgopo tsa gagwe, wa thiba ka nama, fa lo duleng teng. Mme logopo loo Morena Modimo o lo ntshitseng mo mothong wa bopa mosadi ka lone, wa mo isa kwa mothong. Ke fa motho a re: “Ahee! Kana yo ke lesapo la marapo a me le nama ya nama ya me; ene yo o tla bidiwa monnagadi, gonne o ntshitswe mo monneng.” Ke ka moo monna a tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tla nna nama e le nngwe fela. Motho le mosadi wa gagwe ba bo ba sa ikatega ka bobedi jwa bone, mme ba se na ditlhong. Noga e ne e feta diphologolo tsotlhe tsa naga ka boferefere tse Morena Modimo o di dirileng; ya botsa mosadi ya re: “A ruri Modimo o buile wa re: ‘Lo se ka lwa ja ditlhare dipe tsa tshimo’?” Ke fa mosadi a araba noga a re: “Go tilwe, re je maungo a ditlhare tsa tshimo. Fela Modimo o buile ka ga maungo a setlhare se se fa gare ga tshimo wa re: ‘Lo se ka lwa a ja le e seng go a ama, e se re gongwe lwa swa.’ ” Mme noga ya raya mosadi ya re: “Nnyaya, ga lo kitla lo swa! Kana Modimo o itse gore motlhang lo a jang, matlho a lona a tla buduloga, lo tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” Ke fa mosadi a bona gore setlhare seo se molemo go ka jewa, le gona se kgatlha matlho; setlhare seo se eletsega ka ntlha ya go tlhalefisa motho. A ba a tsaya maungo a sona, a ja, a naya le monna wa gagwe yo o neng a na nae, mme le ene a ja. Ya baa gona matlho a bone a budulogang, ba lemoga gore ga ba a tswala; ba rokaganya matlhare a mofeie, ba itirela ditswalo. Jaanong ya re ba utlwa mokgwasa wa Morena Modimo o sepela mo tshimong go le phefo ya mantsiboa, motho le mosadi wa gagwe ba tshaba sefatlhego sa Morena Modimo, ba iphitlha mo teng ga ditlhare tsa tshimo. Ke fa Morena Modimo o bitsa motho, o mo raya o re: “O fa kae?” Ene a re: “Ke utlwile mokgwasa wa gago mo tshimong, jaanong ka boifa, ka ke ne ke sa ikatega, ka ba ka iphitlha.” Morena a fetola a re: “Ke mang yo o go boleletseng gore ga o a ikatega? A kampo o jele setlhare se ke go laetseng ka re: O se ka wa se ja?” Motho a re: “Mosadi yo ò mo nneileng gore a nne le nna ke ene yo o mphileng leungo la setlhare seo, ka ja.” Morena Modimo wa botsa mosadi wa re: “Ke eng se o se dirileng?” Mosadi a re: “Noga e ntsieditse, mo ke bileng ka ja.” Ke fa Morena Modimo o raya noga o re: “E re ka o dirile jalo o hutsitswe mo diruiweng tsotlhe le mo diphologolong tsotlhe tsa naga. O tla gwapa ka mpa, o ja lerole ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.” Morena a raya mosadi a re: “Ke tla go ntsifaletsa ditapisego thata, fa o ithwele; o tla belega bana ka botlhoko, o tla tlhologelelwa monna wa gago, mme ene o tla go laola.” A raya Atame a re: “E re ka o utlwile lentswe la mosadi wa gago, wa ja setlhare se ke go laetseng ka re: ‘O se ka wa se ja!’ masimo a hutsitswe ka ntlha ya gago. O tla ja tsa ona ka matsapa ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. A tla go tlhogela mitlwa le ngwang; o tla ja merogo ya naga. O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlhelela o boela kwa mmung, gonne o ntshitswe mo go ona; o lerole, mme o tla boela leroleng.” Motho a taya mosadi wa gagwe leina la Efa; gonne ke ene mma-baphedi botlhe. Morena Modimo wa direla motho le mosadi wa gagwe diaparo tsa matlalo, wa di ba apesa. Jaanong Morena Modimo wa re: “Bonang, motho o fetogile, o tshwana le rona ka go itse molemo le bosula. Jaanong a a se ka a ntsha letsogo, a fula le maungo a setlhare sa bophelo, a a ja, a tloga a phela ka bosakhutleng!” Ke ka moo Morena Modimo o mo ntshitseng mo tshimong ya Etene gore a ye go lema mmu o a ntshitsweng mo go ona; wa leleka motho, wa baya boKerubime mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya tshimo ya Etene, ba nna le tšhaka ya molelo e e kgadikang go disa tsela e e yang kwa setlhareng sa bophelo. Atame o ne a itse Efa, mosadi wa gagwe; ke fa a nna moimana, a belega Kaine a re: “Ke bonye monna ka thuso ya Morena.” A boela a belega Abele monnawe. Abele a nna modisa wa dinku, Kaine a nna molemi wa masimo. Ya re malatsi mangwe a sena go feta, Kaine a tlisa maungo a masimo, a direla Morena tshupelo. Abele le ene a tlisa tsa maitibolo a dinku tsa gagwe le mafura a tsona. Mme Morena a itumelela Abele le setlhabelo sa gagwe. Fela a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Ke fa Kaine a galefa thata, a gagabisa matlho. Mme Morena a botsa Kaine a re: “O galefetseng? O gagabisetsang matlho? A ga ke re, fa o dira sentle, o ka tsholetsa sefatlhego, mme fa o sa dire sentle, boleo bo lalela fa mojako, bo go tlhologeletswe, mme wena o bo laole.” Mme Kaine a bua le Abele monnawe; ya re ba le kwa nageng, Kaine a tsogela Abele monnawe, a mmolaya. Ke fa Morena a botsa Kaine a re: “Abele monnao o kae?” Ene a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?” Mme Morena a re: “O dirileng? Lentswe la madi a ga monnao le ntlhaeletsa, le tswa mo mmung. Jaanong o hutsitswe, o lelekilwe mo nageng e e atlhamolotseng legano go amogela madi a ga monnao a a tsholotsweng ke diatla tsa gago. Fa o lema masimo, ga a kitla a tlhola a go ntshetsa dijo ka fa nonofong ya ona; o tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng.” Ke fa Kaine a raya Morena a re: “Molato wa me o mogolo go feta o o ka itshwarelwang. Bona, kajeno o nteleka mo nageng e; ke tla iphitlha, ke tshaba sefatlhego sa gago; ke tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng. Mongwe le mongwe yo o mponang o tla mpolaya.” Mme Morena a mo raya a re: “Nnyaya, mongwe le mongwe yo o go bolayang, Kaine, o tla busolosiwa gasupa.” Morena a ba a baya lotshwao mo go Kaine gore a se ka a bolawa ke ope yo o mmonang. Ke fa Kaine a tloga fa pele ga sefatlhego sa Morena, a ya go nna kwa lefatsheng la Note mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Etene. Kaine o ne a itse mosadi wa gagwe a nna moimana, a belega Henoge; a ba a aga motse, a o taya leina la Henoge, a o teelela morwawe. Henoge a belegelwa Irate; Irate a tsala Mehuyaele; Mehuyaele a tsala Methusaele; Methusaele a tsala Lamege. Lamege a tsaya basadi ba le babedi; leina la mongwe e le Ata, leina la yo mongwe e le Sila. Ata a belega Jabale; ke ene rraabone ba ba neng ba nna mo ditenteng, e le barui ba dikgomo. Leina la ga monnawe ke Jubale; ke ene rraabone botlhe ba be neng ba letsa dirankure le ditlhaka. Sila le ene a belega, a tshola Thubale-Kaine; a nna mothudi wa dilo tsa mefutafuta tsa kgotlho le tsa tshipi. Kgaitsadia Thubale-Kaine e ne e le Naama. Lamege o ne a raya basadi ba gagwe a re: “Ata le Sila, utlwang lentswe la me; lona basadi ba ga Lamege, reetsang mafoko a me: Ruri, ke tla bolaya monna yo o ka nntshang ntho, le lekau le le ka nkhutlang. Gonne Kaine o tla busolosiwa gasupa, mme Lamege ene ga masome a a supang le bosupa.” Atame a ba a itse mosadi wa gagwe gape; a belega morwa, a mo taya leina la Sethe. Gonne a re: “Modimo o mphile ngwana yo mongwe mo boemong jwa ga Abele yo Kaine o mmolaileng.” Sethe le ene a belegelwa morwa, a mo taya leina la Enose. Metlheng eo ba simolola go bitsa leina la Morena. Tlhatlologano ya losika lwa ga Atame ke e: Ka letsatsi le Modimo o tlhodileng Atame ka lone, o ne wa mo dira ka fa setshwanong sa Modimo. O tlhodile monna le mosadi, wa ba tshegofatsa, wa ba bitsa “Batho” ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone. E rile Atame a le dinyaga di le 130, a tsala morwa yo o tshwanang nae ka fa setshwanong sa gagwe, a mo taya leina la Sethe. Malatsi a ga Atame, a sena go tsala Sethe, ke dinyaga di le 800, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Malatsi otlhe a Atame o a phedileng ke dinyaga di le 930; ke fa a swa. Ya re Sethe a sena go phela dinyaga di le 105, a tsala Enose. Mme ya re Sethe a sena go tsala Enose, a phela dinyaga di le 807, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Malatsi otlhe a ga Sethe ke dinyaga di le 912; ke fa a swa. Ya re Enose a sena go phela dinyaga di le 90, a tsala Kenane. Mme ya re Enose a sena go tsala Kenane, a phela dinyaga di le 815, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Malatsi otlhe a ga Enose ke dinyaga di le 905; ke fa a swa. Ya re Kenane a sena go phela dinyaga di le 70, a tsala Mahalalele. Mme ya re Kenane a sena go tsala Mahalalele, a phela dinyaga di le 840, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Malatsi otlhe a ga Kenane ke dinyaga di le 910; ke fa a swa. Ya re Mahalalele a sena go phela dinyaga di le 65, a tsala Jarete. Mme ya re Mahalalele a sena go tsala Jarete, a phela dinyaga di le 830, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Malatsi otlhe a ga Mahalalele ke dinyaga di le 895; ke fa a swa. Ya re Jarete a sena go phela dinyaga di le 162, a tsala Henoge. Mme ya re Jarete a sena go tsala Henoge, a phela dinyaga di le 800, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Malatsi otlhe a ga Jarete ke dinyaga di le 962; ke fa a swa. Ya re Henoge a sena go phela dinyaga di le 65 a tsala Methusala. Mme ya re Henoge a sena go tsala Methusala, a sepela le Modimo dinyaga di le 300, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Malatsi otlhe a ga Henoge ke dinyaga di le 365. Henoge o ne a phela le Modimo; ke fa a sa tlhole a bonala, gonne Modimo o mo tsere. Ya re Methusala a sena go phela dinyaga di le 187, a tsala Lamege. Mme ya re Methusala a sena go tsala Lamege, a phela dinyaga di le 782, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Malatsi otlhe a ga Methusala ke dinyaga di le 969; ke fa a swa. Ya re Lamege a sena go phela dinyaga di le 182 a tsala morwa, a mo taya leina la Noa a re: “Yo, o tla re gomotsa mo tirong ya rona le mo matsapeng a diatla tsa rona kwa masimong a Morena o a hutsitseng.” Mme ya re Lamege a sena go tsala. Noa, a phela dinyaga di le 595, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Malatsi otlhe a ga Lamege ke dinyaga di le 777; ke fa a swa. Ya re Noa a le dinyaga di le 500, a tsala Seme le Hame le Jafethe. E rile batho ba simolola go ata mo lefatsheng le go tsalelwa bomorwadi, bomorwa Modimo ba bona bomorwadia batho, fa ba le bantle, ba tsaya basadi mo go bona botlhe ba ba ba ratang. Ke fa Morena a re: “Mowa wa me ga o kitla o busa mo mothong ka bosakhutleng, gonne le ene ke nama. A malatsi a gagwe e nne dinyaga di le 120 fela.” Mo malatsing ao ga bo go le mekaloba mo lefatsheng; le gona morago ga moo, fa bomorwa Modimo ba kopana le bomorwadia batho, ba ba tshodisa bana. Bona bao ke bagale ba bogologolo, ke banna bale ba ba tumileng. Jaanong ya re Morena a bona bosula jwa batho bo le bogolo le maano otlhe a dikakanyo tsa dipelo tsa bone a le bosula fela ka metlha yotlhe, ke fa Morena a ikwatlhaya, ka a dirile batho mo lefatsheng, a hutsafala mo pelong ya gagwe. Jaanong Morena a re: “Ke tla nyeletsa batho ba ke ba tlhodileng, ke ba tlosa mo lefatsheng; bone batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo; gonne ke ikwatlhaya, ka ke ba dirile.” Mme Noa ene a bona bopelotlhomogi mo matlhong a Morena. Tsa bophelo jwa ga Noa ke tse: Noa e ne e le monna yo o siameng, a se na molato mo bathong ba metlha ya gagwe; Noa o ne a sepela le Modimo. A tsala bomorwa ba le bararo, e bong Seme le Hame le Jafethe. Lefatshe la bo le senyegile fa pele ga Modimo; lefatshe le tletse boithatelo jo bo setlhogo. Ke fa Modimo o leba lefatshe, o fitlhela le senyegile; gonne batho botlhe ba ne ba sentse setho sa bone mo lefatsheng. Mme Modimo wa raya Noa wa re: “Bofelo jwa batho botlhe bo tlile fa pele ga me. Gonne lefatshe le tletse tshiamololo e ba e dirang. Ka moo ke tla ba senya, ke ba tlosa mo lefatsheng. Itirele mokoro o mogolo ka dikgong tsa paina, o dire matlwana mo mokorong oo, o o thibe ka boka ka fa teng le ka fa ntle. O o dire jaana: Boleele jwa mokoro oo e nne mabogo a le 300; boatlhamo jwa ona e nne mabogo a le 50; bogodimo jwa ona e nne mabogo a le 30. O direle mokoro oo fenstere ya boleele jwa letsogo kwa godimo mo tikologong. “Setswalo sa mokoro oo o se tsenye mo lotlhakoreng lwa ona. O dire matlwana a a kwa tlase le a a fa gare le a a kwa godimo mo go ona. Gonne ke tla tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, e le go senya nama yotlhe e mowa wa bophelo o leng mo go yona fa tlase ga letsatsi; tsotlhe tse di mo lefatsheng di tla swa. Mme wena ke tla dira kgolagano nao e e tlhomameng; o tla tsena mo mokorong oo, wena le bomorwao le mosadi wa gago le basadi ba bomorwao, ba na nao. Le gona o tsenye bobedi le bobedi jwa dilo tsotlhe tse di phelang tsa nama yotlhe tsa mofuta mongwe le mongwe mo mokorong oo, e le go di phedisa nao. A e nne e tonanyana le e namagadi. A di le pedi tsa mefuta yotlhe ya dinonyane le tsa mefuta yotlhe ya diruiwa le tsa mefuta yotlhe ya digagabi tse di mo lefatsheng di tsene le wena go bolokelwa bophelo. O be o itseele dijo tsa mefutafuta tse di jewang, o di phuthele kwa go wena gore e nne dijo tsa gago le tsa tsona.” Noa a dira tsotlhe ka fa Modimo o mo laetseng ka teng. Jaanong Morena a raya Noa a re: “Tsena mo mokorong, wena le ba lapa la gago botlhe; gonne ke go bonye o le mosiami mo gare ga ba metlha eno. Tsaya tse ditonanyana tse supa le tse dinamagadi tse supa tsa mefuta yotlhe ya diphedi tse di itshekileng; gape o tseye e tonanyana le e namagadi ya mefuta yotlhe ya diphedi se di sa itshekang; le gona mo mefuteng yotlhe ya dinonyane tsa legodimo o tseye tse ditonanyana tse supa le tse dinamagadi tse supa, e le go boloka losika lwa tsona mo lefatsheng lotlhe. Gonne e tla re malatsi a supa a sena go feta, ke nese pula mo lefatsheng malatsi a le 40 le masigo a le 40; ke tla nyeletsa tsotlhe tse di phelang tse ke di dirileng, ke di tlosa mo lefatsheng.” Noa a dira tsotlhe ka fa Morena a mo laetseng ka teng. Noa o ne a le dinyaga di le 600, fa metsi a morwalela a tla mo lefatsheng. Noa a tsena mo mokorong a na le bomorwawe le mosadi wa gagwe le betsi ba gagwe, metsi a morwalela a ise a tle. Diphedi tse di itshekileng le diphedi tse di sa itshekang le dinonyane le tsotlhe tse di gagabang fa fatshe tsa tla kwa go Noa ka bobedi le bobedi, tsa tsena mo mokorong, e tonanyana le e namagadi, jaaka Modimo o laetse Noa. Ya re malatsi a supa a sena go feta, metsi a morwalela a tla mo lefatsheng. Ka ngwaga wa 600 wa bophelo jwa ga Noa, ka kgwedi ya bobedi, ka letsatsi la some supa; ka lone letsatsi leo ga phunyega metswedi yotlhe ya madiba a magolo, ga bulega maroba a legodimo. Pula ya tshologela mo lefatsheng malatsi a le 40 le masigo a le 40. Ka lone letsatsi leo Noa a tsena mo mokorong le bomorwa Noa Seme le Hame le Jafethe le mosadi wa ga Noa le basadi ba le bararo, e bong betsi ba gagwe. E ne e le bone le mefuta yotlhe ya diphologolo le mefuta yotlhe ya diruiwa le mefuta yotlhe ya digagabi tse di gagabang fa fatshe le mefuta yotlhe ya dinonyane ka fa mebaleng ya mafofa a tsona. Tsa tsena kwa go Noa mo mokorong, e le bobedi le bobedi jwa nama yotlhe e mowa wa bophelo o leng mo go yona. Tse di tsenyeng e ne e le e tonanyana le e namagadi tsa nama yotlhe, jaaka Modimo o mo laetse. Ya re a sena go tsena natso, Morena a tswala. Ke fa morwalela o tla mo lefatsheng malatsi a le 40; metsi a nna a golela godimo, a tsholetsa mokoro, wa tlhatloga wa katoga lefatshe. Metsi a kokomoga, a nna magolo thata mo lefatsheng; mokoro ole wa kokobala mo godimo ga metsi. Metsi a kokomoga thata thata mo lefatsheng, mo a bileng a khurumetsa dithaba tsotlhe tse dikgolo tse di fa tlase ga legodimo lotlhe. Metsi a nna magolo, a khurumetsa dithaba, a di feta ka mabogo a le some tlhano. Ke fa go swa nama yotlhe e e itshikinyang mo lefatsheng, e bong dinonyane le diruiwa le diphologolo le tsotlhe tse di gagabang fa fatshe le batho botlhe. Tsotlhe tse di neng di na le mowa wa bophelo mo dinkong tsa tsona, tsotlhe tse di neng di le fa go omileng tsa swa. Modimo wa nyeletsa jalo diphedi tsotlhe tse di mo lefatsheng, e leng batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo, tsa fedisiwa mo lefatsheng; ga bolokega Noa fela le tse di neng di na nae mo mokorong. Metsi a bo a le magolo mo lefatsheng malatsi a le 150. Jaanong Modimo wa gopola Noa le diphologolo tsotlhe le diruiwa tsotlhe tse di neng di na nae mo mokorong. Modimo wa fokisa phefo mo lefatsheng, mme metsi a ngotlega. Ga thibala metswedi ya madiba le maroba a legodimo; le pula e e tswang kwa legodimong ya kgaotsa. Metsi a nna a boa, a fokotsega mo lefatsheng; ya re malatsi a le 150 a sena go feta, metsi a nna a ngotlega. Ka kgwedi ya bosupa, ka letsatsi la some supa la kgwedi, mokoro wa nna mo thabeng ya Ararate. Metsi a nna a ngotlegela pele go ya kgweding ya some; ka la ntlha la kgwedi ya some ga bonala ditlhoa tsa dithaba. Ya re malatsi a le 40 a sena go feta gape, Noa a bula fenstere ya mokoro e a e dirileng, a ntsha legakabe; lone la tswa, la boaboa go ya metsi a ba a tšhe mo lefatsheng. A ba a ntsha leeba, la tloga mo go ene, e le gore a bone, fa metsi a ngotlegile mo lefatsheng. Ya re ka leeba le sa bone le fa e le bogato jwa lonao, la boela kwa go ene mo mokorong; gonne metsi a ne a sa ntse a le mo lefatsheng lotlhe. Ke fa a ntsha letsogo, a le tsaya, a le busetsa kwa go ene mo mokorong. Ya re a sena go leta malatsi a supa a mangwe, a ntsha leeba gape mo mokorong. Leeba leo la boela kwa go ene ka nako ya mantsiboa, la tla le tshotse letlhare le lešwa la setlhare sa olefa ka molomo. Ke fa Noa a lemoga gore metsi a ngotlegile mo lefatsheng. A leta malatsi a supa gape, a boela a ntsha leeba, mme lone la se ka la boela gape kwa go ene. Ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa 601 metsi a bo a tšhele mo lefatsheng. Ke fa Noa a tlosa thulelo ya mokoro a leba, a fitlhela lefatshe le omile. Ka letsatsi la 27 la kgwedi ya bobedi lefatshe la bo le omile. Ke fa Modimo o raya Noa o re: “Tswaa mo mokorong, wena le mosadi wa gago le bomorwao le betsi ba gago. Diphedi tsotlhe tse di nang nao tsa mefutafuta, e bong dinonyane le diruiwa le digagabi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe, tswaa natso gore di itsamaele mo lefatsheng, di ate, di ntsifale mo lefatsheng.” Ke fa Noa a tswa le bomorwawe le mosadi wa gagwe le betsi ba gagwe. Le diphologolo tsotlhe le diruiwa tsotlhe le dinonyane tsotlhe le digagabi tse di gagabang fa fatshe tsa tswa mo mokorong ka fa mefuteng ya tsona. Noa a ba a agela Morena aletare, a tsaya dingwe tsa diruiwa tsa mefutafuta tse di itshekileng le tsa dinonyane tsa mefutafuta tse di itshekileng, a dira ditlhabelo tsa phiso mo aletareng. Ke fa Morena a dupa monko o o monate, mme Morena a bua mo pelong ya gagwe a re: “Ga nkitla ke tlhola ke hutsa lefatshe gape ka ntlha ya motho; gonne dikakanyo tsa pelo ya motho di bosula go tswa bonyaneng jwa gagwe. Ga nkitla ke tlhola ke bolaya tsotlhe tse di phelang gape jaaka ke dirile. Ka metlha yotlhe ya lefatshe ga go kitla go khutla go jwala le go roba, le letsididi le mogote, le selemo le mariga, le motshegare le bosigo.” Jaanong Modimo wa tshegofatsa Noa le bomorwawe, wa ba raya wa re: “Atang lo ntsifale lo tlale ka lefatshe! A diphedi tsotlhe tsa lefatshe le dinonyane tsotlhe tsa legodimo di lo boife, di lo tshabe; di neetswe mo diatleng tsa lona mmogo le tsotlhe tse di gagabang fa fatshe le ditlhapi tsotlhe tsa lewatle. Tsotlhe tse di phelang e tla nna dijo tsa lona; ke di lo file tsotlhe fela jaaka ditlhogi tse ditala. Fela lo se ka lwa ja nama e e nang le bophelo jwa yona, e bong madi a yona. Mme madi a lona a e leng maphelo a lona ke tla a busolosetsa; ke tla a busolosetsa mo sebateng sengwe le sengwe le mo seatleng sa motho. Ke tla busolosetsa bophelo jwa motho mo seatleng sa motho-ka-ene. Yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tla tshololwa ke batho; gonne Modimo o dirile motho ka fa setshwanong sa ona. “Mme lona, atang lo ntsifale; farafarang mo lefatsheng, lo tlale mo go lone!” Modimo wa raya Noa le bomorwawe wa re: “Bonang, ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona le losika lwa lona morago ga lona; ke e tlhomamisetsa le dilo tsotlhe tse di phelang tse di nang le lona; e bong dinonyane le diruiwa le diphologolo tsotlhe tsa lefatshe tse di nang le lona; le tsotlhe tse di duleng mo mokorong, e leng diphedi tsotlhe tsa lefatshe. Ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona ka re: Ga go kitla go tlhola go nyelediwa nama epe ka metsi a morwalela; morwalela wa metsi ga o kitla o tlhola o nna teng gape go senya lefatshe.” Modimo wa ba wa re: “Sesupo sa kgolagano e e sa khutleng e ke e dirang fa gare ga me le lona le dilo tsotlhe tse di phelang tse di nang le lona ke se: Motshewabadimo wa me ke o beile mo marung gore e nne sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lefatshe. Jaanong e tla ne e re fa ke kgobokanya maru kwa godimo ga lefatshe, motshewabadimo o bonale mo marung. Foo ke tla gopola kgolagano ya me e e leng teng fa gare ga me le lona le diphedi tsotlhe. Metsi ga a kitla a tlhola a nna morwalela o o senyang nama yotlhe. Jaanong e tla ne e re fa motshewabadimo o le mo marung, ke o lebe go ikgakolola kgolagano e e sa khutleng e e fa gare ga Modimo le mewa yotlhe e e phelang mo nameng yotlhe e e mo lefatsheng.” Modimo wa raya Noa wa re: “Ke sona sesupo sa kgolagano e ke e tlhomamisitseng fa gare ga me le nama yotlhe e e mo lefatsheng.” Bomorwa Noa ba ba duleng mo mokorong ke Seme le Hame le Jafethe; mme Hame ke rraagwe Kanana. Ba bararo ba ke bona bomorwa Noa; batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba tswa mo go bone. Jaanong Noa a simolola go nna molemi wa masimo; a dira tshimo ya moweine. Mme ya re a sena go nwa weine, a tlhapelwa, a robala mo tenteng ya gagwe a sa ikatega. Ke fa Hame rraagwe Kanana a bona bosaikatega jwa ga rraagwe, a ya a bolelela bomorwa-rraagwe ba babedi ka fa ntle. Mme Seme le Jafethe ba tsaya kobo, ba e baya mo magetleng a bone babedi, ba kata ka sa morago, ba bipa bosaikatega jwa ga rraabo, ba ntse ba fapositse difatlhego tsa bone gore ba se bone bosaikatega jwa ga rraabo. Mme ya re Noa a sena go tlhaphogelwa, a thanya, a utlwela se morwawe yo mmotlana a se mo diretseng, a bua a re: “A go hutsiwe Kanana; a a nne motlhanka wa batlhanka mo go bomorwa-rraagwe!” A ba a re: “A go bakwe Morena Modimo wa ga Seme, mme Kanana e nne motlhanka wa gagwe! A Modimo o bulele Jafethe mafatshe, a a nne mo ditenteng tsa ga Seme, mme Kanana e nne motlhanka wa gagwe!” Noa o phedile dinyaga di le 350 morago ga morwalela wa metsi. Malatsi otlhe a ga Noa ya nna dinyaga di le 950; ke fa a swa. Losika lwa bomorwa Noa Seme le Hame le Jafethe ke lo. Ba ne ba tsalelwa bomorwa morago ga morwalela wa metsi. Bomorwa Jafethe ke Gomere le Magogo le Matai le Jafane le Thubale le Mesege le Thirase. Bomorwa Gomere ke Asekenase le Rifathe le Thogarama. Bomorwa Jafane ke Elisa le Tharesise le Bakhithime le Badotane. Ditšhaba tse di anameng tsa dinaga tse di fa lewatleng di tswa mo go bao. Ke bone bomorwa Jafethe le mafatshe a bone le dipuo tsa bone le ditso tsa bone le ditšhaba tsa bone. Mme bomorwa Hame ke Khuše le Miseraime le Phute le Kanana. Bomorwa Khuše ke Seba le Hawila le Sabetha le Raema le Sabetheka; bomorwa Raema ke Šeba le Detane. Khuše a tsala Nimerote; ke ene mogale wa ntlha mo lefatsheng. E ne e le motsomi yo mogolo fa pele ga Morena; ke ka moo go a tleng go twe: “Mokete ke motsomi yo mogolo fa pele ga Morena jaaka Nimerote.” O simolotse go busa kwa Babele le Erege le Akate le Kalene mo nageng ya Sineare. A ba a tswa mo lefatsheng leo, a ya kwa Asiria, a aga Ninife le Rehobothe-Ire le Kalaga le Resene, fa gare ga Ninife le Kalaga; ke ona motse o mogolo. Miseraime a tsala Baludi le Baanami le Balehabi le Banafethugi le Baphatharusi le Bakhaselugi le Bakhafethori ba Bafelesita ba duleng mo go bone. Kanana a tsala Sitone, morwawe wa ntlha, le Hethe le Bajebusi le Baamori le Bagiregasi le Bahewi le Baareki le Basini le Baarwadi le Basemari le Bahamathe. Morago ga moo ditso tsa Bakanana tsa phatlalala. Naga ya Bakanana e ne e simologa kwa Sitone go ya go fitlha kwa Gerara le go ya kwa Gasa le go ya kwa Sotoma le Gomora le Atema le Seboime go fitlha kwa Leša. Ke bone bomorwa Hame ka fa ditsong tsa bone le dipuong tsa bone mo mafatsheng a bone le mo ditšhabeng tsa bone. Mme Seme, rraa-Bahebere botlhe, mogoloa Jafethe, le ene a tsalelwa bana. Bomorwa Seme ke Elame le Asure le Arephagasadi le Lute le Arame. Bomorwa Arame ke Use le Hule le Gethere le Maše. Mme Arephagasadi a tsala Sela; Sela a tsala Hebere. Hebere a tsalelwa bomorwa ba le babedi; leina la wa ntlha ke Phelege – gonne batho ba lefatshe ba ne ba kgaogana mo metlheng ya gagwe – leina la monnawe ke Jokotane. Jokotane a tsala Alemotate le Selefe le Hasaremawethe le Jera le Hatorame le Usale le Dikela le Obale le Abimaele le Šeba le Ofire le Hawila la Jobabe. Botlhe bao ke bomorwa Jokotane. Ba ne ba agile go simolola kwa Meša go ya go fitlha kwa Sefare le kwa dithabeng tsa botlhabatsatsi. Ke bone bomorwa Seme ka fa ditsong tsa bone le ka fa dipuong tsa bone mo mafatsheng a bone ka fa ditšhabeng tsa bone. Ke tsona ditso tsa bomorwa Noa ka fa ditshikeng tsa bone mo ditšhabeng tsa bone. Ditšhaba tse di mo lefatsheng di dule mo go bone, tsa anama mo lefatsheng morago ga morwalela. Pele lefatshe lotlhe la bo le na le puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela. Mme ya re ba hudugela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi, ba fitlhela lebala mo lefatsheng la Sineare, ba aga teng. Ke fa ba raana ba re: “A re yeng re bope diekana, re di bese, di butswe!” Diekana tse e ne e le matlapa a bone, boka jwa mmu e le seretse sa bone sa go aga. Ba re: “Tlayang a re ikageleng motse le kago e e godimo e setlhoa sa yona se fitlhang kwa legodimong gore re itirele leina le le tumileng, e se re gongwe ra phatlalala mo lefatsheng lotlhe.” Ke fa Morena a fologa gore a bone motse oo le kago e e godimo eo, tse batho ba di agang. Jaanong Morena a re: “Ruri, botlhe ke morafe o le mongwe fela wa puo e le nngwe fela. Selo se ke tshimologo ya tiro ya bone. Go tloga fa ga ba nke ba palelwa ke sepe se ba se akanyang. Tlayang a re fologeleng teng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gore ba se ka ba utlwana ka puo.” Morena a ba phatlalatsa fa ba ne ba le teng, a ba falaletsa kwa dinageng tsotlhe tsa lefatshe. Ba khutla jalo go aga motse oo. Ke ka moo o teilweng leina la Babele; gonne teng koo Morena o tlhakatlhakantse puo ya batho botlhe, Morena a ba falatsa le dinaga tsotlhe tsa lefatshe go tswa teng. Ba losika lwa ga Seme ke ba: Ya re Seme a le dinyaga di le 100, a tsala Arephagasadi, dinyaga di le pedi morago ga morwalela. Ya re Seme a sena go tsala Arephagasadi, a phela dinyaga di le 500, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Arephagasadi o ne a phedile dinyaga di le 35 fa a tsala Sela. Mme ya re Arephagasadi a sena go tsala Sela, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Sela o ne a phedile dinyaga di le 30, fa a tsala Hebere. Mme ya re Sela a sena go tsala Hebere, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Hebere o ne a phedile dinyaga di le 34, fa a tsala Phelege. Mme ya re Hebere a sena go tsala Phelege, a phela dinyaga di le 430, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Phelege o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Rehu. Mme ya re Phelege a sena go tsala Rehu, a phela dinyaga di le 209, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Rehu o ne a phedile dinyaga di le 32 fa a tsala Seruge. Mme ya re Rehu a sena go tsala Seruge, a phela dinyaga di le 207, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Seruge o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Nahore. Mme ya re Seruge a sena go tsala Nahore, a phela dinyaga di le 200, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Nahore o ne a phedile dinyaga di le 29 fa a tsala Thara. Mme ya re Nahore a sena go tsala Thara, a phela dinyaga di le 119, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi. Thara o ne a phedile dinyaga di le 70 fa a tsala Aborame le Nahore le Harane. Ba losika lwa ga Thara ke ba: Thara o ne a tsala Aborame le Nahore le Harane, Mme Harane a tsala Lote. Mme Harane a swa pele ga rraagwe mo lefatsheng le a tsaletsweng mo go lone, kwa motseng wa Ure wa Kalatea. Ke fa Aborame le Nahore ba tsaya basadi: Leina la mosadi wa ga Aborame ke Sarai; leina la mosadi wa ga Nahore ke Mileka, morwadia Harane, yo e leng rraagwe Mileka le Iseka. Sarai ene e ne e le moopa, a se na ngwana. Jaanong Thara a tsaya Aborame morwawe, le Lote morwa Harane, morwa morwawe, le Sarai ngwetsi wa gagwe, mosadi wa ga Aborame morwawe, a huduga nabo, a tloga kwa Ure wa Kalatea, a re o ya kwa lefatsheng la Kanana; mme ba fitlha fela kwa Harane, ba aga teng. Jaanong Thara a swela kwa Harane, a le dinyaga di le 205. Jaanong Morena a raya Aborame a re: “Tloga o tswe mo lefatsheng la ga eno, o tlogele ba ga eno le lelapa la ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tla le go bontshang. Ke tla go dira setšhaba se segolo, ke go tshegofatsa, ke tumisa leina la gago gore o nne tshegofatso. “Ke tla tshegofatsa ba ba go tshegofatsang, ke hutsa ba ba go hutsang; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena.” Ke fa Aborame a tloga jaaka Morena a mo laetse. Lote a ya nae. Ya re Aborame a huduga kwa Harane, a bo a le dinyaga di le 75. Aborame a tsaya Sarai, mosadi wa gagwe, le Lote, morwa monnawe, le dithuo tsa bone tse ba di bonyeng le makgoba a ba a rekileng kwa Harane. Ba huduga go ya kwa lefatsheng la Kanana, ba be ba fitlha kwa lefatsheng la Kanana. Aborame a ralala lefatshe leo go fitlha kwa felong ga Šegeme le kwa setlhareng sa motherebinthe sa boitseanape. Mo metlheng eo ga bo go le Bakanana mo lefatsheng leo. Ke fa Morena a iponatsa mo go Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya ba losika lwa gago.” Jaanong Aborame a agela Morena yo o iponaditseng mo go ene aletare gona. A ba a tloga teng, a ya kwa dithabeng tse di mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a tlhoma tente ya gagwe teng, Bethele a le kwa bophirimatsatsi, mme Ai a le kwa botlhabatsatsi. Le gona moo a agela Morena aletare, a bitsa leina la Morena. Morago ga moo Aborame a fetela pele, a ntse a tsamaela kwa borwa. Go kile ga nna leuba mo lefatsheng leo, ke fa Aborame a ya kwa Egepeto go jaka gona; gonne leuba le ne le le legolo mo lefatsheng leo. Jaanong ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sarai, mosadi wa gagwe, a re: “Kana o mosadi yo montle. Jaanong e tla re Baegepeto ba go bona, ba re: ‘Ke ene mosadi wa gagwe,’ mme ba tla mpolaya, wena ba go lesa o phela. O tle o ba ree o re, o kgaitsadiake gore ke tle ke tsholege ka ntlha ya gago, ke phele ka lebaka la gago.” Jaanong ya re Aborame a tsena kwa Egepeto, Baegepeto ba bona mosadi ba re, o montle thata. Le dikgosana tsa ga Farao tsa mmona, tsa mmoka fa pele ga Farao; ke fa mosadi yoo a isiwa kwa ntlong ya ga Farao. Ene a direla Aborame tse di molemo ka ntlha ya gagwe, a bona dinku le dikgomo le diesele le makgoba a banna le a basadi, le diesele tse dinamagadi le dikammele. Mme Morena a otla Farao le ba lapa la gagwe ka dikotlo tse dikgolo ka ntlha ya ga Sarai, mosadi wa ga Aborame. Ke fa Farao a bitsa Aborame a re: “Ke eng se o se ntiretseng? Ke ka ntlha ya eng fa o sa mpolelela gore ke mosadi wa gago? Ke ka ntlha ya eng fa o ne wa re: ‘Ke kgaitsadio’? Ka ba ka mo tsaya gore e nne mosadi wa me. Mme jaanong, bona, mosadi wa gago ke yo, mo tsee, o tsamae.” Ke fa Farao a roma banna gore ba mo felegetse le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a nang natso. Aborame a tloga jalo kwa Egepeto, ene le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a nang natso, a boela kwa nageng ya borwa ya Kanana, Lote a ntse a na nae. Aborame a bo a humile thata, a na le diruiwa le selefera le gouta. A nna a tsamaya ka go tloga fa le go nna fale, go tswa kwa borwa go ya go fitlha kwa Bethele, kwa felong fa tente ya gagwe e neng e le teng mo tshimologong fa gare ga Bethele le Ai, kwa felong ga aletare e a neng a e dirile teng pele. Aborame a ba a bitsa leina la Morena teng. Mme Lote yo o neng a tsamaya le Aborame, le ene o ne a na le dinku le dikgomo le ditente. Jaanong lefatshe la bo le sa ba lekane go ka nna mmogo, gonne dithuo tsa bone di ne di le dikgolo; ka moo ba palelwa ke go nna mmogo. Ga ba ga tsoga kgang fa gare ga badisa ba diruiwa tsa ga Aborame le badisa ba diruiwa tsa ga Lote. Le gona Bakanana le Baferesi ba ne ba nna mo lefatsheng leo ka sebaka seo. Ke fa Aborame a raya Lote a re: “A go ko go se nne kgang fa gare ga me le wena, le fa gare ga badisa ba me le badisa ba gago, gonne re bana ba motho. Kana lefatshe lotlhe le fa pele ga gago! A ko o kgaogane le nna. Fa o ka ya ntlheng ya la molema, ke tla ya ntlheng ya le le jang; mme fa o ka ya ntlheng ya le le jang, ke tla ya ntlheng ya la molema.” Ke fa Lote a tsholetsa matlho a bona lebala lotlhe la Joretane e le naga e e nang le metsi yotlhe, e tshwana le tshimo ya Morena le lefatshe la Egepeto go fitlha kwa Soare, Morena a ise a senye Sotoma le Gomora. Lote a itlhophela lebala lotlhe la Joretane; Lote a hudugela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi; motho a kgaogana jalo le mogoloa-rraagwe. Aborame a sala mo lefatsheng la Kanana; Lote a ya go nna kwa metseng ya lebala la Joretane, a tsamaya a ntse a tlhomolola a tlhoma ditente tsa gagwe go ya go fitlha kwa Sotoma. Mme banna ba Sotoma ba bo ba le bosula, ba leofela Morena thata. Jaanong ya re Lote a sena go kgaogana nae, Morena a raya Aborame a re: “A ko o tsholetse matlho o ntse o eme foo, o lebe kwa bokone le kwa borwa le kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi. Gonne lefatshe lotlhe le o le bonang, ke tla le go naya le ba losika lwa gago ka bosakhutleng. Ke tla atisa losika lwa gago jaaka lerole la lefatshe; ke go re, fa motho a ka kgona go bala lerole la lefatshe, losika lwa gago le lone lo tla nna le go ka balwa. Nanoga o ralale lefatshe, o tsamae boleele jwa lone le bophara jwa lone, gonne ke tla le go naya.” Ke fa Aborame a huduga ka ditente tsa gagwe, a ya a na fa ditlhareng tsa metherebinthe tsa ga Mamere tse di kwa Heberone, a agela Morena aletare gona. Mo metlheng ya ga Amorafele, kgosi ya Sineare, le Arioge, kgosi ya Elasare, le Ketorelaomere, kgosi ya Elame, le Thitale, kgosi ya ditšhaba, bone bao ba simolola ntwa le Bera, kgosi ya Sotoma, le Bireša kgosi ya Gomora, le Sinabe, kgosi ya Atema, le Semebere, kgosi ya Seboime, le kgosi ya Bela, ke Soare. Botlhe bao ba ne ba ikopantse, ba ya kwa lebaleng la Sidime; ke Lewatle la Letswai kajeno. Ba ne ba direla Ketorelaomere dinyaga di le 12, mme ba mo tlhanogela ka ngwaga wa some tharo. Jaanong ka ngwaga wa some nne ga tla Ketorelaomere le dikgosi tse di nang nae, ba fenya Barefaime kwa Ašetherothe-Karenaime le Basusi kwa Hame le Baemime mo lebaleng la Khiriathaime; le Bahori mo dithabeng tsa bone tsa Seire go fitlha kwa Ele-Pharane yo o fa thoko ga sekaka. Ba boa ba fitlha kwa Ene-Mišephate, e bong Kateše, ba thopa naga yotlhe ya Baamaleke le Baamori ba ba neng ba agile kwa Hasesone-Thamare. Ke fa go bolola kgosi ya Sotoma le kgosi ya Gomora le kgosi ya Atema le kgosi ya Seboime le kgosi ya Bela, e bong Soare, tsa ipaakanyetsa ntwa mo lebaleng la Sidime go lwa le Ketorelaomere, kgosi ya Elame, le Thitale, kgosi ya ditšhaba, le Amorafele, kgosi ya Sineare, le Arioge, kgosi ya Elasare: Dikgosi tse nne tsa lwa le dikgosi tse tlhano. Mme lebala la Sidime la bo le tletse didiba tsa boka jwa mmu. Jaanong ya re dikgosi tsa Sotoma le Gomora di tshaba, tsa wela ka moo. Mme ba ba falotseng ba tshabela kwa dithabeng. Bale ba thopa dithoto tsotlhe tsa Sotoma le Gomora le dijo tsotlhe tsa teng, ba tsamaya ka tsona. Ba thopa le Lote, morwa monnaa Aborame, le dithoto tsotlhe tsa gagwe, ba tsamaya ka tsona. Kana o ne a agile kwa Sotoma. Ga tla mofalodi, a itsise Aborame wa Mohebere yo o neng a agile kwa ditlhareng tsa metherebinthe tsa ga Mamere wa Moamori, morwa-rraagwe Ešekole le Anere; bao ba ne ba dirile kgolagano le Aborame. Ya re Aborame a utlwa, fa morwa monnawe a tshwerwe, a bolotsa batlhanka a gagwe ba ba itseng ntwa, ba ba tsaletsweng mo lapeng la gagwe, ba le 318, a latelela bale go fitlha kwa Dane. Mme a kgaoganya batlhanka ba gagwe, a ba dira ditlhopha, a tlhasela bale bosigo, a ba fenya, a ba latelela go fitlha kwa Hoba mo go leng ntlheng ya bokone ya Damaseko. A busa dithoto tsotlhe; a busa le Lote, morwa monnawe, le di-tsa-gagwe le basadi le batho. Jaanong ya re a boa, a sena go fenya Ketorelaomere le dikgosi tse di nang nae, kgosi ya Sotoma ya tswa, ya mo kgatlhantsha kwa mogorogorong wa Sawe o e leng mogorogoro wa kgosi. Melegi-Seteke, kgosi ya Saleme, a tlisa senkgwe le weine; ene e ne e le moperesiti wa Modimo o o godimodimo. A mo tshegofatsa a re: “A Aborame a tshegofadiwe ke Modimo o o godimodimo, Motlhodi wa legodimo le lefatshe! A go bakwe Modimo o o godimodimo o o neetseng baba ba gago mo diatleng tsa gago!” Aborame a mo ntshetsa karolo ya lesome ya tsotlhe. Ke fa kgosi ya Sotoma e raya Aborame e re: “Mphe batho, o sale ka dithoto!” Mme Aborame a raya kgosi ya Sotoma a re: “Ke tsholeletsa letsogo kwa Moreneng Modimo o o godimodimo, Motlhodi wa legodimo le lefatshe, ke ikana ke re: Ga nka ke ka tsaya tlhale le fa e le kgole ya setlhako le e seng sepe sa tsotlhe tse e leng tsa gago, e se re gongwe wa re, o humisitse Aborame. Ga ke batle sepe kwa ntle ga tse makau a di jeleng. Fela a banna ba ba ileng le nna, Anere le Ešekole le Mamere, bone ba amogele kabelo ya bone.” Morago ga dilo tseo Lefoko la Morena la tla kwa go Aborame ka pono la re: “Aborame, se boife! Ke nna thebe ya gago; tuelo ya gago e kgolo thata.” Mme Aborame a re: “Morena Modimo, o tla mpha eng, ka e le fa ke tla tsamaya, ke se na bana? Mme Eliesere yo wa kwa Damaseko o tla ja boswa jwa lapa la me.” Aborame a ba a re: “Bona, nna ga o a mpha ngwana; mme motlhanka wa lapa la me o tla rua tsa me.” Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go ene le re: “Nnyaya, yoo ga a nke a rua tsa gago, mme yo o tswang mo mmeleng wa gago, ke ene yo o tla jang boswa jwa gago.” A ba a mo ntshetsa kwa ntle a mo raya a re: “A ko o lelale kwa legodimong, o bale dinaledi, fa o ka kgona go di bala!” A ba a mo raya a re: “Losika lwa gago lo tla nna kalo.” Aborame a dumela Morena; mme tumelo eo ya kaiwa tshiamo ya gagwe. A ba a mo raya a re: “Ke nna Morena ke go ntshitseng kwa Ure wa Kalatea go tla go go naya lefatshe le, go le rua.” Mme a re: “Morena Modimo, ke tla itse ka eng, fa ke tla le rua?” A mo araba a re: “Ntlisetse kgomo ya dinyaga di le tharo le podi ya ngwaga tse tharo le phelehu ya ngwaga tse tharo le lephoi le leeba.” Aborame a mo tsisetsa tsotlhe tseo, a di fatola ka bogare; a baya mefama a e lebagantse. Fela dinonyane a se ka a di fatola. Jaanong dinonyane tse di jang nama tsa fologela mo ditotong tseo, mme Aborame a di koba. Jaanong ya re letsatsi le batla go phirima, Aborame a welwa ke boroko jo bogolo, mme letshogo le lefifi le legolo tsa mo tlela. Ke fa Morena a raya Aborame a re: “O tshwanetse go itse gore losika lwa gago e tla nna baeng mo lefatsheng le e seng la bone. Ba tla nna batlhanka teng, ba gatelelwa dinyaga di le 400. Mme le setšhaba seo se ba tla nnang batlhanka ba sona ke tla se otla; morago ga moo ba tla huduga ka dithoto tse dikgolo. Mme wena o tla ya kwa go borraago ka kagiso; o tla fitlhwa o tsofetse ka botlalo. Ba tla boela kwano e le ba losika lwa bone. Gonne kajeno molato wa Baamori ga o ise o tlale.” Jaanong ya re letsatsi le sena go phirima, go le lefifi thata, ga bonala sebeso se se kuang musi le kgabo ya molelo e raletse fa gare ga mehama ele. Ka letsatsi leo Morena a dira kgolagano le Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya losika lwa gago go simolola kwa nokeng ya Egepeto go fitlha kwa nokeng e kgolo, nokeng ya Ferathe, e bong lefatshe la Bakeni le Bakenisi le Bakatemoni le Bahethe le Baferesi le Barefaime le Baamori le Bakanana le Bagiregasi le Bajebusi.” Sarai, mosadi wa ga Aborame, o ne a sa mmelegele bana; jaanong a na le lelata la Moegepeto, leina la lone e le Hagare. Sarai o ne a raya Aborame a re: “A ko o bone, Morena o ntimile bana. Bogolo a ko o kopane le letata la me; ka gongwe nka bona bana ka ene.” Aborame a utlwisisa lentswe la ga Sarai. Ke fa Sarai, mosadi wa ga Aborame, a tsaya Hagare wa Moegepeto lelata la gagwe, a mo neela Aborame, monna wa gagwe gore a nne mosadi wa gagwe. Ga dirafala jalo, fa Aborame a sena go nna dinyaga di le some mo lefatsheng la Kanana. A kopana le Hagare, mme a ithwala. Ya re a ipona a ithwele, a nyatsa mohumagadi wa gagwe ka matlho. Ke fa Sarai a raya Aborame a re: “Tshiamololo e, e ntirafalela ka ntlha ya gago. Ke nna ka nosi ke go neetseng lelata la me mo mabogong a gago, mme ya re le bona le le moimana, ka nyatsega mo matlhong a lone. A Morena a atlhole fa gare ga me le wena!” Mme Aborame a raya Sarai a re: “Bona, lelata la gago le mo thateng ya gago; le direle se se siameng mo matlhong a gago.” Jaanong ya re Sarai a re o a le kokobetsa, la tshaba, la mo tlogela. Ke fa moengele wa Morena a le fitlhela fa motsweding wa metsi mo sekakeng, kwa motsweding o o fa tseleng e e yang kwa Sure. A botsa a re: “Hagare, lelata la ga Sarai, o tswa kae? O ya kae?” Ene a re: “Ke tlogetse Sarai, mohumagadi wa me, ka tshaba.” Moengele wa Morena a mo raya a re: “Boela kwa mohumagading wa gago, o ikokobetse fa tlase ga seatla sa gagwe.” Moengele wa Morena a ba a mo raya a re: “Losika lwa gago ke tla lo atisa thata thata, mo lo tla bong lo pale go ka balwa ka ntlha ya bontsi.” Le gona moengele wa Morena a mo raya a re: “Bona, o moimana, o tla belega ngwana wa mosimane, o mo tee leina la Isemaele; gonne Morena o utlwile pogisego ya gago. Ene e tla nna motho yo o tshwanang le esele ya naga. Seatla sa gagwe se tla lwa le botlhe. Diatla tsa botlhe di tla lwa nae. O tla nna mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya bomorwa-rraagwe botlhe.” Ke fa Hagare a bitsa leina la Morena yo o buileng nae a re: “Ò Modimo o o mponang.” Gonne a re: “A le gona ke mo setse morago ka matlho fano yo o mponang?” Ke ka moo sediba sele se bidiwang: “Sediba sa Mophedi-yo-o-mponang.” Kana se fa gare ga Kateše le Berete. Hagare a belegela Aborame ngwana wa mosimane; morwawe yo Hagare a mmelegeng Aborame a mo taya leina la Isemaele. Aborame o ne a le dinyaga di le 86, fa Hagare a mmelegela Isemaele. E rile Aborame a le dinyaga di le 99, Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Ke nna Modimo Rra-thata-yotlhe! Sepela fa pele ga me, foo o nne mosiami. Ke tla dira kgolagano ya me fa gare ga me le wena, ke go atisa thata thata.” Ke fa Aborame a wela fa fatshe ka sefatlhego, mme Modimo wa bua nae wa re: “Kgolagano ya me nao ka fa lotlhakoreng lwa me ke ya go re: Ò tla nna rra-bontsi jwa ditšhaba. Ka moo ga o nke o tlhola o bidiwa Aborame, mme leina la gago e tla nna Aborahame; gonne ke tla go dira rra-bontsi jwa ditšhaba. Ruri, ke tla go atisa gagolo thata, ke go dira ditšhaba; le dikgosi di tla tswa mo go wena. “Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me fa gare ga me le wena le bana ba gago morago ga gago ba losika longwe le longwe gore e nne kgolagano e e sa khutleng ya go re: Ke tla nna Modimo wa gago le wa bana ba gago morago ga gago. Lefatshe le o leng moeng mo go lone, e leng lefatshe lotlhe la Kanana, ke tla le go naya le bana ba gago morago ga gago go nna boswa jo bo sa khutleng, mme ke tla nna Modimo wa bone.” Jaanong Modimo wa raya Aborahame wa re: “Fela o tshegetse kgolagano ya me, wena le bana ba gago morago ga gago mo losikeng longwe le longwe lwa bone. Kgolagano ya me fa gare ga me le lona le bana ba gago morago ga gago e lo tshwanetseng go e tshegetsa ke e: A banna le basimane botlhe ba lona ba rupisiwe! Lo rupisiwe mo nameng ya letlalo la bonna jwa lona; seo e tla nna sesupo sa kgolagano gare ga me le lona. A go rupisiwe mosimanyana mongwe le mongwe wa lona a le malatsi a le 8 mo ditshikeng tsotlhe tsa lona le motlhanka yo o tsaletsweng mo ntlong le yo o rekilweng ka selefera le fa e le moeng wa kae le kae, yo e seng wa losika lwa lona. Batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong ya gago le ba ba rekilweng ka selefera ya gago ba tshwanetse go rupisiwa. Kgolagano ya me e tla nna jalo mo nameng ya lona, e le kgolagano e e sa khutleng. Mme monna le mosimane yo o nang le letlalo la bonna yo o sa rupisiwang mo nameng ya letlalo la bonna jwa gagwe, motho yoo a a nyelediwe mo morafeng wa ga gabo; o sentse kgolagano ya me.” Modimo wa ba wa raya Aborahame wa re: “Sarai, mosadi wa gago, o se ka wa tlhola o mmitsa Sarai, mme leina la gagwe a e nne Sara. Ke tla mo tshegofatsa, mme le ka ene ke tla go naya ngwana wa mosimane; ke tla mo tshegofatsa gore a nne mmaditšhaba; dikgosi tsa merafe di tla tswa mo go ene.” Ke fa Aborahame a wela fa fatshe ka sefatlhego, a tshega, a ipotsa mo pelong a re: “A nka tsalelwa ngwana ke le dinyaga di le lekgolo? A Sara le ene o ka belega a setse a le dinyaga di le 90?” Ke fa Aborahame a raya Modimo a re: “Ao! A go phele Isemaele fa pele ga gago!” Mme Modimo wa re: “Ruri, Sara mosadi wa gago o tla go belegela ngwana wa mosimane; o mo tee leina la Isaka. Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me nae le losika lwa gagwe morago ga gagwe gore e nne kgolagano e e sa khutleng. Le ka ga Isemaele ke go utlwile, bona, ke tla mo tshegofatsa, ke mo atisa, ke mo ntsifatsa gagolo thata. O tla tsala dikgosi di le 12. Ke tla mo dira setšhaba se segolo. Mme kgolagano ya me ke tla e tlhomamisetsa Isaka yo Sara o tla mo go belegelang ngwaga o o tlang ka sona sebaka se.” Jaanong ya re Modimo o sena go bua nae wa tlhatloga, wa tlogela Aborahame. Ke fa Aborahame a tsaya Isemaele morwawe le batlhanka botlhe ba ba tsaletsweng mo ntlong ya gagwe le botlhe ba ba rekilweng ka selefera ya gagwe, e bong ba batonanyana botlhe ba batho ba lelapa la ga Aborahame, a rupisa nama ya letlalo la bonna jwa bone ka lone letsatsi leo, fela jaaka Modimo o mo laetse. Aborahame o ne a le dinyaga di le 99, fa a rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa gagwe. Isemaele morwawe o ne a le dinyaga di le 13, fa a rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa gagwe. Ka letsatsi lone leo go rupisitswe Aborahame le Isemaele morwawe. Le gona ga rupisiwa nae banna botlhe ba ntlo ya gagwe, e bong batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong le ba ba rekilweng ka madi mo bathong ba sele. Morena a ba a iponatsa mo go ene kwa ditlhareng tsa metherebinthe tsa ga Mamere, a ntse fa mojakong wa tente go le motshegare ka selebalo. Ya re a tsholetsa matlho, a bona banna ba le bararo ba eme fa pele ga gagwe. Fa a ba bona, a tloga fa mojakong wa tente, a akofa go ba kgatlhantsha, a inamela fa fatshe a re: “Morena, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a ko o se fete motlhanka wa gago. A go ko go tlisiwe metsinyana gore lo tlhape dinao, lo be lo ikhutse fa tlase ga setlhare. Ke tla lo tlisetsa thathana ya bogobe gore lo lapolose dipelo tsa lona. Morago ga moo lo ka feta. Gonne ke ka moo lo fapogetseng kwa motlhankeng wa lona.” Ba araba ba re: “Dira ka fa o buileng ka teng.” Ke fa Aborahame a itlhaganela, a ya mo tenteng kwa go Sara a re: “Akofa o tsee dielo di le tharo tsa bupe jo bosweu, o dube, o bese dinkgwe.” Aborahame a ba a sianela kwa dikgomong, a tlhaola namane e e boruma e e siameng, a e neela motlhanka; mme ene a e tlhaba ka bonako. Jaanong a tsaya mašwi a madila le a lobese le namane e a e apeileng, a di baya fa pele ga bona, ene a ntse a eme fa go bone fa tlase ga setlhare fa ba ja. Ke fa ba mmotsa ba re: “Sara mosadi wa gago o kae?” A araba a re: “O ka mo tenteng.” Morena a ba a re: “Ke tla ba ke boela kwano go wena isago ka nako e, ke fitlhela Sara, mosadi wa gago, a na le ngwana wa mosimane.” Sara o ne a ntse a reeditse a le fa mojakong wa tente fa morago ga gagwe. Kana Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse, ba godile thata; mokgwa wa sesadi o sa tlhole o dirafalela Sara. Ka moo Sara a tshegela mo pelong a re: “A nka utlwa monate wa lorato ke setse ke onetse, le morena wa me a tsofetse?” Ke fa Morena a botsa Aborahame a re: “Sara o tshegang a re: ‘A ruri nka belega ke setse ke tsofetse?’ A go na le sengwe se se ka palelang Morena? Isago ka nako e e beilweng ke tla boela kwano go wena; foo Sara o tla bo a na le ngwana wa mosimane.” Ke fa Sara a latola a re: “Ga ke a tshega!” A re jalo gonne a boifa. Mme ene a re: “Nnyaya! O tshegile.” Banna bao ba nanoga, ba tloga teng. Ya re ba lebile Sotoma, Aborahame a ntse a na nabo, a ba felegetsa, Morena a akanya a re: “A nka lobela Aborahame se ke tla se dirang ne? Etswe Aborahame a tla nna setšhaba se segolo se se thata tota, le gona ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka ene; gonne ke mo tlhophile gore a laele bana ba gagwe le ba lapa la gagwe morago ga gagwe gore ba sepele mo tseleng ya Morena, ba dire ka tshiamo le ka tshwanelo gore Morena a tle a tlisetse Aborahame tse a di mo solofeditseng.” Ke fa Morena a re: “Go na le selelo se segolo ka ga Sotoma le Gomora; ruri maleo a bone a magolo thata. Ke rata go fologa, ka bona gore a ba dirile gotlhe ka fa selelong se se tlileng kwa go nna ka ga bone gongwe nnyaya; ke rata go itse.” Banna ba tloga foo, ba ya kwa Sotoma; Aborahame a sala a eme fa pele ga Morena. Aborahame a atamela, a botsa a re: “A o tla fedisa mosiami le moikepi? Ka gongwe go ka nna le basiami ba le 50 mo motseng oo. A le bone o tla ba nyeletsa, o se ke o itshwarele felo foo ka ntlha ya basiami ba ba 50 ba ba mo go ona? A go nne kgakala nao go dira jalo, go bolaya mosiami mmogo le moikepi gore mosiami a dirafalelwe ke tse di dirafalelang moikepi! Gona moo a go nne kgakala nao! A moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a nke a dira ka tshiamo?” Morena a re: “Fa nka fitlhela basiami ba le 50 mo motseng wa Sotoma, ke tla itshwarela felo gotlhe ka ntlha ya bone.” Aborahame a bua gape a re: “A ko o bone, ke nameditse pelo go bua le Morena, le fa ke le lerole le molora fela. Motlha ope mo basiaming ba le 50 go ka tlhaela ba le batlhano. Jaanong a o tla senya motse otlhe ka ntlha ya ba batlhano ba?” A araba a re: “Ga nka ke ka o senya fa ke fitlhela ba le 45 teng.” A tswelela pele gape go bua nae a re: “E ka re gongwe ga fitlhelwa ba le 40 gona.” Mme a re: “Ga nka ke ka dira jalo ka ntlha ya ba ba 40.” A ba a re: “Ka thapelo, a Morena a se ka a galefa fa ke bua gape: Ka gongwe go tla fitlhelwa ba le 30 gona.” Mme a re: “Ga nka ke ka dira jalo fa ke fitlhela ba ba 30 gona.” A bua gape a re: “A ko o bone, ke nameditse pelo go bua le Morena. Motlhamongwe go tla fitlhelwa ba le 20 teng.” Mme a re: “Ga nka ke ka ba senya ka ntlha ya ba ba 20.” A ba a re: “Ka thapelo, a Morena a se ka a galefa. Nte ke bue gangwe fela: Gongwe go tla fitlhelwa ba le some fela gona.” Mme a re: “Ga nkitla ke ba senya ka ntlha ya ba ba some.” Jaanong a tsamaya Morena, a sena go bua le Aborahame. Aborahame ene a boela kwa gae. Baengele ba babedi ba ne ba fitlha kwa Sotoma mantsiboa, Lote a ntse fa kgorong ya Sotoma. Ya re Lote a ba bona, a nanoga, a ba kgatlhantsha, a ikobela fa fatshe ka sefatlhego, a re: “Barena ba me, a ko lo fapogele kwa lapeng la motlhanka wa lona, lo lale, lo tlhape dinao. Lo ka phakela, lwa wela tseleng ya lona.” Mme ba re: “Nnyaya! Re tla lala mo dipatlelong.” Jaanong ya re a ba rapela thata, ba fapogela kwa go ene, ba tsena mo ntlong ya gagwe; a ba direla dijo, a besa dinkgwe tse di sa bedisiwang, mme ba ja. Ya re ba ise ba robale, banna ba motse wa Sotoma ba dikanyetsa ntlo, ba bašwa le ba bagolo, e le morafe otlhe, go sa tlhokafale ope, ba kua Lote, ba mmotsa ba re: “Banna bale ba kae ba ba tlileng kwa go wena bosigo? Ba ntshetse kwa go rona gore re ba senye.” Lote a tswela kwa go bone fa mojako, a tswala setswalo fa morago ga gagwe, a re: “Ba ga etsho, ke a lo rapela, se direng bosula. A ko lo bone, ke na le bomorwadiake ba babedi, ba ba iseng ba itse monna. A nke ke ba ntshetse kwa go lona gore lo ba direle ka fa thatong ya lona. Fela banna bao se ba direng sepe. Gonne ke ka moo ba tlileng mo tshireletsong ya ntlo ya me.” Mme ba re: “Thiboga foo!” Ba re: “O tlile fela o le moeng, mme jaanong o rata go re laola. Jaanong ge, re tla go direla bosula bogolo go bale.” Ba pitlaganya monna, e bong Lote thata, ba atamela go thuba setswalo. Ke fa banna bale ba ntsha mabogo, ba gogela Lote kwa go bone mo ntlong, ba tswala setswalo; ba otla banna ba ba fa mojakong wa ntlo ka bofofu, ba bašwa le ba bagolo, mo ba itapiseditseng lefela go batla mojako. Ke fa banna bao ba botsa Lote ba re: “O na le bomang mono kwa ntle ga ba lapa? Tsaya bagwe le bomorwao le bomorwadio le botlhe ba e leng ba ga eno mo motseng, o ba ntshe mo felong fano! Gonne re tla senya felo fano, ka selelo se le segolo ka ga ba mono fa pele ga Morena, mme Morena o re romile go tla go ba senya.” Lote a tswa, a ya go bua le bagwe ba gagwe ba ba neng ba tla nyala bomorwadie, a re: “Nanogang lo tswe mo felong fa, gonne Morena o tla senya motse o!” Mme bagwe ba gagwe ba ne ba re, o bolela metlae fela. Ya re mahube a tlhatloga, baengele ba kurusa Lote ba re: “Nanoga o tshabe le mosadi wa gago le bomorwadio ba babedi ba ba nang nao, e se re gongwe wa nyelela ka boikepo jwa motse o!” Mme ya re a diega, banna bao ba tshwara Lote le mosadi wa gagwe le bomorwadie ba babedi mabogong, ba ba ntsha, ba ba ntshetsa kwa ntle ga motse – gonne Morena o ne a rata go ba rekegela. Ya re ba sena go ba ntshetsa kwa ntle, mongwe a re: “Tshaba o boloke bophelo jwa gago! Se gadime, se emaeme gope mo lebaleng le! Tshabela kwa dithabeng gore o se nyelele!” Mme Lote a ba araba a re: “Ka thapelo, Morena, a go se nne jalo! A ko o bone, motlhanka wa gago o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago; o ntiretse ka boutlwelo-botlhoko jo bogolo, wa boloka bophelo jwa me; fela ke palelwa ke go tshabela kwa dithabeng; gongwe tatlhego e tla nkwela, ke swa. A ko o bone motse o, o gaufi go ka tshabela teng; ona o monnye, nte ke tshabele teng gore ke phele, ka e le o monnye.” A mo araba a re: “Go siame, kopo e ya gago le yona ke e utlwile; ga nkitla ke senya motse o ò buileng ka ga ona. Itlhaganele o tshabele teng, gonne ga ke kgone go dira sepe o ise o fitlhe teng.” Ke ka moo ba biditseng motse oo Soare. Ya re Lote a tsena kwa Soare, letsatsi la bo le tlhaba mo lefatsheng. Ke fa Morena a nesetsa Sotoma le Gomora sebabole le molelo tse di tswang mo Moreneng kwa legodimong. A ribegetsa metse eo le naga yotlhe ya teng le baagi botlhe ba metse eo le tse di tlhogileng fa fatshe. Mosadi wa gagwe a gadima a le fa morago ga gagwe, jaanong a fetoga sesana sa letswai. Ya re ka moso Aborahame a phakela, a ya kwa felong fa a neng a eme teng fa pele ga Morena, a leba kwa Sotoma le Gomora le kwa lebaleng lotlhe la teng, a bona musi o tlhatloga mo lefatsheng jaaka musi wa leiso le legolo. E rile Modimo o senya metse ya lebala leo, Modimo wa gopola Aborahame, wa ntsha Lote mo thibegetsong, fa o ribegetsa metse e Lote a neng a agile mo go yona. Lote a huduga kwa Soare, a nna kwa thabeng, a na le bomorwadie ba babedi, gonne a boifa go aga kwa Soare; a nna mo logageng, ene le bomorwadie ba babedi. Jaanong yo mogolo a raya monnawe a re: “Rraarona o tsofetse. Ga go na monna mo lefatsheng yo o ka nnang le rona jaaka e le mokgwa wa lefatshe lotlhe. Tlaya, a re nose rraarona weine, re robale nae, re tsose losika ka rraarona.” Ba dira jalo. Ba nosa rraabo weine bosigo joo; yo mogolo a tsena, a robala le rraagwe; mme ene a se ka a lemoga, fa a robala le fa a tsoga. Ya re kamoso yo mogolo a raya monnawe a re: “Bona, ke letse ke robetse le rre. A re mo nose weine gape bosigo gore le wena o tsene o robale nae, mme re tsose losika ka rraarona.” Ba dira jalo. Ba nosa rraabo weine le bosigo joo; yo mmotlana a ya a robala nae; mme ene a se ka a lemoga, fa a robala le fa a tsoga. Bomorwadia Lote ba nna baimana jalo ka rraabo ka bobedi jwa bone. Yo mogolo a belega ngwana wa mosimane, a mmitsa Moabe; ke ene Rra-Bamoabe ba metlha eno. Yo mmotlana le ene a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Benami; ke ene Rra-Baamone ba metlha eno. Aborahame a huduga teng, a ya kwa lefatsheng la borwa, a nna fa gare ga Kateše le Sure, a ya go fudisa kwa Gerara. Aborahame o ne a bolela ka ga Sara, mosadi wa gagwe, a re: “Ke kgaitsadie.” Ke fa Abimelege, kgosi ya Gerara, a roma, a tsaya Sara. Mme Modimo wa tla kwa go Abimelege ka toro bosigo, wa mo raya wa re: “Bona, o tshwanetse go swa ka ntlha ya mosadi yo ò mo tsereng; gonne ke mosadi yo o nyetsweng ke monna.” Mme Abimelege o ne a ise a mo atamele; ka moo a botsa a re: “Morena, a o tla bolaya le setšhaba se se siameng? A ga ke re, Aborahame o ntheile a re: ‘Ke kgaitsadie.’ Le Sara a re: ‘Aborahame ke kgaitsadie.’ Ke dirile jalo ka pelo e e se nang molato le ka diatla tse di phepa.” Modimo wa mo araba mo torong wa re: “Le nna ke itse, fa o dirile jalo ka bosenamolato jwa pelo ya gago. Nna ka nosi ke go thibetse gore o se ka wa nteofela; ke ka moo ke sa go leseletsang go mo ama. Jaanong busetsa monna mosadi wa gagwe, gonne ene ke moporofeti. O tla go rapelela gore o phele. Mme fa o sa mo rebole, itse gore o tla swa tota, wena le ba ga eno botlhe.” Abimelege a phakela mo mosong, a bitsa batlhanka botlhe ba gagwe, a bolela tsotlhe tse mo ditsebeng tsa bone; ke fa banna bao ba boifa thata. Abimelege a ba a bitsa Aborahame, a mmotsa a re: “Kana o re diretseng? Ke go leofetse ka eng, fa o ntliseditse le bogosi jwa me boleo jo bogolo. O ntiretse tse di sa tshwanelang go dirwa.” Abimelege a ba a botsa Aborahame a re: “O ne o ikaeletse eng, fa o dira jalo?” Aborahame a araba a re: “Ke ne ke re: Ga go na poifo-Modimo mo felong fano; ba tla mpolaya ka ntlha ya mosadi wa me. Le gona ke kgaitsadiake tota, ke morwadia rre, fela e seng morwadia mme; a ba a nna mosadi wa me. Jaanong e rile Modimo o nkhudusa mo ntlong ya ga rre, o nkgarakgatsha, ka mo raya ka re: ‘Lorato lwa gago lo o tla ntirelang ka lone mo felong gongwe le gongwe kwa re tla fitlhang teng ke lo: O bolele ka ga me o re: O kgaitsadiake.’ ” Ke fa Abimelege a tsaya dinku le dikgomo le batlhanka le malata, a di naya Aborahame; a ba a mmusetsa Sara, mosadi wa gagwe. Abimelege a ba a re: “Bona, lefatshe la me le go atlanegetse, aga fela fa o ratang teng.” A ba a raya Sara a re: “Bona, ke neile kgaitsadio diselefera di le 1 000. Bona, tsona di go busetsa tlotlo ya gago fa pele ga botlhe ba ba nang nao; o siamisitswe jalo fa pele ga botlhe.” Jaanong ya re Aborahame a rapela Modimo jalo, Modimo wa fodisa Abimelege le mosadi wa gagwe le malata a gagwe, mo ba bileng ba belega gape. Gonne Morena o ne a tswetse dipopelo tsa lelapa la ga Abimelege ka ntlha ya ga Sara, mosadi wa ga Aborahame. Morena o ne a tshegofatsa Sara jaaka a buile; Morena a direla Sara, ka fa a mo solofeditseng ka teng. Sara a nna moimana, a belegela Aborahame ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe ka nako e Modimo o neng o e mmoleletse. Morwawe yo a mo tsaletsweng, yo Sara a mo mmelegetseng, Aborahame a mo taya leina la Isaka. Aborahame a ba a rupisa Isaka morwawe a le malatsi a a robedi, jaaka Modimo o mo laetse. Aborahame o ne a le dinyaga di le lekgolo, fa go tsalwa Isaka morwawe. Sara ene a re: “Modimo o ntiretse setshego; mongwe le mongwe yo o utlwang o tla ntshega.” A ba a re: “Ke mang yo o neng a ka raya Aborahame a re: ‘Sara o tla amusa bana’? Gonne ke mmelegetse morwa a ntse a tsofetse.” Ngwana ene a gola, a ba a kgwisiwa. Aborahame a dira moletlo o mogolo ka letsatsi le Isaka o kgwisitsweng ka lone. Jaanong ya re Sara a bona morwa Hagare wa Moegepeto yo a mmelegetseng Aborahame, a tshega, a raya Aborahame a re: “Leleka lelata le, le morwaa-lona! Gonne morwa lelata le ga a tshwanela go ja boswa le Isaka morwaake.” Lefoko leo la kgopisa Aborahame ka ntlha ya ga morwawe Isemaele. Mme Modimo wa raya Aborahame wa re: “Se kgopisege ka ntlha ya mosimane le ka ntlha ya lelata la gago. Utlwa lentswe la ga Sara mo go tsotlhe tse o di buang nao; gonne losika lwa gago lo tla bidiwa ka Isaka. Fela le morwa lelata ke tla mo dira setšhaba se segolo, ka gonne ke ngwana wa gago.” Ke fa Aborahame a phakela mo mosong, a tsaya senkgwe le lekuka la metsi, a di naya Hagare, a di baya mo legetleng la gagwe, le ngwana, a mo naya tsela. Hagare a tsamaya, a kgarakgatshega mo sekakeng sa Bereseba. Ya re metsi a sena go fela mo lekukeng a latlhela ngwana fa tlase ga sengwe sa ditlhatshana, a tloga, a nna fatshe a lebagana nae a le kgakalanyana, fa bora bo ka hulang go fitlha teng, gonne a re: “Ke palelwa ke go leba ngwana a swa.” A nna jalo a lebaganye nae. Ngwana a tlhatlosa lentswe, a lela. Modimo wa utlwa lentswe la mosimane. Moengele wa Modimo a bitsa Hagare a le kwa legodimong, a mo raya a re: “Molato ke eng, Hagare? Se boife, gonne Modimo o utlwile lentswe la mosimane fa a leng teng. Nanoga o tsee mosimane, o mo tshware ka letsogo, gonne ke tla mo dira setšhaba se segolo.” Ke fa Modimo o mmudulola matlho, a bona sediba sa metsi, a ya a tlatsa metsi mo lekukeng, a nosa mosimane. Modimo wa nna le mosimane, a gola, a nna mo sekakeng, a tswa mohulabora. A nna mo sekakeng sa Pharane; mmaagwe a mmatlela mosadi kwa lefatsheng la Egepeto. Ka sebaka sona se Abimelege o ne a bua le Aborahame, a na le Phigolo, molaodi wa mephato ya gagwe, a re: “Modimo o na nao mo go tsotlhe tse o di dirang. Jaanong ge, inkanele fano ka Modimo, fa o se kitla o ntirela ka boikanyologo, le fa e le banake gongwe bana ba banake; mme lorato lo ke go diretseng ka lone, le nna o ntirele ka lone mmogo le lefatshe le o fudisang mo go lone.” Aborahame a re: “Ke tla ikana jalo.” Fela Aborahame a kgalemela Abimelege ka ntlha ya sediba sa metsi se batlhanka ba ga Abimelege ba se mo amogileng ka thata. Abimelege a araba a re: “Ga ke itse gore ke mang yo o dirileng jalo; le gona ga o a ka wa mpegela; le gona ke simolola go utlwa kajeno.” Ke fa Aborahame a ntsha dinku le dikgomo, a di naya Abimelege; ba babedi bao ba dira kgolagano jalo. Mme Aborahame a beela dikwana tse supa tsa letsomane fa thoko. Ke fa Abimelege a botsa Aborahame a re: “Dikwana tse supa tseo tse o di tlhaotseng di le nosi ke tsa eng?” Aborahame a re: “Ke go re o amogele dikwana tse supa tseo mo seatleng sa me gore e nne sesupo sa me sa go re ke epile sediba seo.” Ke ka moo felo foo go biditsweng Bereseba; gonne ba ikanne teng ka bobedi jwa bone. Ba ne ba dira kgolagano jalo kwa Bereseba. Morago ga moo Abimelege a nanoga, a na le Phigolo, molaodi wa mephato ya gagwe, ba boela kwa lefatsheng la Bafelesita. Aborahame a tlhoma setlhare sa motamariseka kwa Bereseba; teng koo a bitsa leina la Morena Modimo o o sa khutleng. Aborahame a nna sebaka se seleele mo lefatsheng la Bafelesita e le moeng. E rile morago ga ditirafalo tse, Modimo wa leka Aborahame, wa mo raya wa re: “Aborahame!” A araba a re: “Ke fano.” Ke fa o re: “A ko o tsee morwao yo o esi yo ò mo ratang, ene Isaka, o ye kwa nageng ya Moria, o mo dire setlhabelo sa phiso teng mo go nngwe ya dithaba e ke tla e go supetsang.” Ke fa Aborahame a phakela ka moso, a belesa esele ya gagwe, a tsaya batlhanka ba le babedi ba gagwe, le Isaka morwawe, ba ya nae; a fatsa dikgong tsa setlhabelo sa phiso; a tloga a ya kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng. Ka letsatsi la boraro Aborahame a tsholetsa matlho, a bona felo foo kgakala. Ke fa Aborahame a raya batlhanka ba gagwe a re: “Salang fa le esele, mme nna le mosimane re tla ya fale; e tla re re sena go obamela, re boele kwano go lona.” Aborahame a tsaya dikgong tsa setlhabelo sa phiso, a di rwesa Isaka morwawe; a tsaya molelo le thipa ka seatla; bona babedi ba sepela mmogo jalo. Ke fa Isaka a raya Aborahame rraagwe a re: “Rra!” A araba a re: “Ke fano, morwaaka!” A ba a botsa a re: “Bona, molelo ke o, dikgong ke tse, mme kwana ya setlhabelo sa phiso e kae?” Aborahame a araba a re: “Morwaaka, Modimo o tla ipatlela kwana ya setlhabelo sa phiso.” Bona babedi ba sepela mmogo jalo. Ya re ba sena go fitlha kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng, Aborahame a aga aletare teng, a aletsa dikgong, a bofa Isaka morwawe, a mmaya mo aletareng mo godimo ga dikgong. Aborahame a ntsha letsogo, a tshwara thipa, a re o tlhaba morwawe. Ke fa moengele wa Morena a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aborahame! Aborahame!” A araba a re: “Ke fano!” A re: “O se ka wa baya letsogo mo mosimaneng, se mo dire sepe! Gonne jaanong ke a itse gore o boifa Modimo, ka o sa nkganela ka morwao yo o esi.” Jaanong ya re Aborahame a tsholetsa matlho, a bona phelehu kwa morago ga gagwe, e tshwerwe dinaka mo sekhung. Aborahame a ya teng, a tsaya phelehu, a e dira setlhabelo sa phiso mo boemong jwa ga morwawe. Aborahame a taya felo foo leina a re: “Morena-o-bonye”; ke ka moo ba sa ntseng ba bua ba re: “Mo thabeng ya Morena-o-bonye.” Moengele wa Morena a bitsa Aborahame la bobedi a le kwa legodimong a re: “Morena a re: Ke ikanne ka nna ka re: E re ka o dirile jalo, o sa nkganela ka morwao yo o esi, ke tla go tshegofatsa thata, losika lwa gago ke tla lo ntsifatsa gagolo jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Losika lwa gago lo tla thopa metse ya baba ba lone. Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago, ka ntlha ya gore o utlwile lentswe la me.” Ya baa gona Aborahame a boelang kwa batlhankeng ba gagwe; ba tloga ba ya mmogo kwa Bereseba. Mme Aborahame a nna teng. Ya re morago ga dilo tseo, Aborahame a begelwa ga twe: “Bona, Mileka le ene o belegetse Nahore monnao bana. E bong Use, morwawe wa ntlha le Buse monnawe, le Kemuele, rraagwe Arame le Kesete le Haso le Philetaše le Itelafe le Bethuele.” Mme Bethuele a tsala Rebeka. Mileka a belegela Nahore monnawe Aborahame ba ba robedi bao. Mogadingwana wa gagwe yo leina la gagwe e leng Reuma, le ene a belega Teba le Kahame le Thahaše le Maaga. Sara o phedile dinyaga di le 127, mme a swela kwa Khiriathe-Areba, ke go re kwa Heberone mo lefatsheng la Kanana. Ke fa Aborahame a tsena go hutsafalela Sara le go mo lelela. A ba a nanoga, a tlogela moswi wa gagwe, a bua le Bahethe a re: “Ke moeng le mofaladi fela mo go lona. Mpheng felo ga phitlho mo go lona, e nne ga me gore ke tsee moswi wa me, ke ye go mo fitlha.” Bahethe ba fetola Aborahame, ba mo raya ba re: “Re utlwe, morena! O kgosana ya Modimo mo gare ga rona. Fitlha moswi wa gago mo lebitleng le le phalang mabitla a mangwe a rona. Ga go na ope mo go rona yo o tla go ganelang ka lebitla la gagwe, fa o rata go fitlha moswi wa gago.” Ke fa Aborahame a nanoga, a ikoba fa pele ga beng ba naga eo, e bong Bahethe, a bua nabo a re: “Fa lo ntumelela go tlosa moswi wa me fa go nna, le go mo fitlha, nkutlweng, lo nthapelele Eferone, morwa Sohare gore a mphe logaga lwa gagwe lwa Makapela lo lo kwa bofelong jwa naga ya gagwe, a lo nnee fa pele ga lona ka tlhwatlhwa e e tshwanetseng, e nne felo ga me ga phitlho.” Mme Eferone o ne a ntse mo gare ga Bahethe. Ene Eferone wa Mohethe a fetola Aborahame mo ditsebeng tsa Bahethe botlhe ba ba tsenyeng mo lekgotleng la motse wa gagwe a re: “Nnyaya, morena, nkutlwe! Naga eo ke a e go naya, le logaga lo lo mo go yona ke a lo go naya; ke lo go naya fa pele ga banna ba morafe wa ga etsho. Fitlha moswi wa gago.” Ke fa Aborahame a ikoba fa pele ga beng ba naga eo; a ba a raya Eferone mo ditsebeng tsa beng ba naga eo a re: “Ee, fa wena o rata ke e reka, ka thapelo nkutlwe, ke lefele naga eo ka selefera, e amogele mo go nna. Foo ke tla fitlha moswi wa me teng.” Eferone a fetola Aborahame, a mo raya a re: “Morena, nkutlwe, naga ya dišekele di le 400 tsa selefera ke eng fa gare ga me le wena? Fitlha moswi wa gago fela.” Aborahame a utlwana le Eferone. Aborahame a lekanyetsa Eferone selefera e a e boletseng mo ditsebeng tsa Bahethe, e bong dišekele di le 400 tsa selefera, tse e neng e le madi a sebaka sele. Ga tlhomamisiwa jalo gore naga ya ga Eferone e e kwa Makapela e e lebaganyeng le Mamere, naga eo le logaga lo lo mo go yona le ditlhare tsotlhe tse di mo nageng eo, ka fa molelwane o supang ka teng, ke ya ga Aborahame; o e rekile mo matlhong a Bahethe botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng la ga gabo ka letsatsi leo. Morago ga moo Aborahame a fitlha Sara, mosadi wa gagwe, mo logageng lwa naga eo ya Makapela e e ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mamere, yo e leng Heberone mo lefatsheng la Kanana. Naga eo le logaga lo lo mo go yona ya tswa jalo mo go Bahethe ya nna felo ga mabitla oora Aborahame. Aborahame o ne a tsofetse a godile thata. Morena o ne a mo tshegofaditse mo dilong tsotlhe. Jaanong Aborahame a raya motlhanka yo mogolo wa lelapa la gagwe yo o neng a okametse dilo tsotlhe tsa gagwe, a re: “A ko o bee seatla sa gago fa tlase ga letheka la me gore ke go ikanise ka Morena Modimo wa legodimo le lefatshe, fa o se nke o batlela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke agileng mo gare ga bone; o ikane fa o tla ya kwa lefatsheng la ga etsho le kwa go ba ga etsho, go batlela morwaaka Isaka mosadi teng.” Motlhanka a mo raya a re: “Ka gongwe mosadi o tla gana go ntshala morago go tla lefatsheng leno. A foo ke tla tshwanela go busetsa morwao kwa lefatsheng lele, kwa wena o tswang teng?” Aborahame a mo araba a re: “Itise gore o se ka wa busetsa morwaake teng. Morena Modimo wa legodimo yo o nntshitseng mo lapeng la ga rre le mo lefatsheng la ba ga etsho, yo o buileng le nna, yo o inkanetseng a re: ‘Ba losika lwa gago ke tla ba naya lefatshe le,’ ene o tla roma moengele wa gagwe gore a go etelele pele gore o batlele morwaake mosadi teng. Mme e tla re fa mosadi a gana go tla le wena, o bo o bofologile maikanong a o a inkanetseng. Fela o se ka wa busetsa morwaake teng.” Ke fa motlhanka a baya seatla sa gagwe fa tlase ga letheka la ga Aborahame, morena wa gagwe, a mo ikanela jalo ka fa mafokong ao. Motlhanka yoo a tsaya dikammele di le some mo dikammeleng tsa mongwagwe, a tloga a tshotse dithoto tsa mefutafuta tsa morena wa gagwe. A bolola a ya kwa nageng ya Mesopotamia kwa motseng wa ga Nahore. E rile a fitlha teng, a khubamisa dikammele ka fa ntle ga motse fa sedibeng sa metsi ka nako ya mantsiboa, fa basadi ba ya nokeng. A rapela a re: “Morena, Modimo wa ga Aborahame, morena wa me, a ko o dirafatse kajeno se ke se tletseng fa, o direle Aborahame, mong wa me, ka bopelotlhomogi. Bona, ke eme fano fa motsweding wa metsi, mme bomorwadia batho ba motse ba tla tla go ga metsi. Jaanong a mosetsana yo ke tla mo rayang ke re: ‘A ko o sikarolole nkgo ya gago gore ke nwe;’ mme a nkaraba a re: ‘Nwaa, le dikammele tsa gago ke tla di nosa,’ a e nne ene yo ò mo laoletseng Isaka motlhanka wa gago. Mme a ke itse ka moo, fa o diretse morena wa me ka bopelotlhomogi.” Ya re a ise a fetse go bua jalo, ga tlhaga Rebeka, morwadia Bethuele, morwa Mileka, mosadi wa ga Nahore, monnawe Aborahame, a sikere nkgo mo legetleng. E ne e le mosetsana yo montle thata, e le lekgarebe le le iseng le angwe ke monna ope; a fologela motsweding, a tlatsa nkgo ya gagwe a ba a tlhatloga. Ke fa motlhanka a akofa, a mo kgatlhantsha a re: “A ko o nnose metsinyana ka nkgo ya gago!” A araba a re: “Nwaa, mong wa me!” A akofa a sikarololela nkgo mo seatleng sa gagwe, a mo nosa. Ya re a sena go mo nosa, a re: “Le dikammele tsa gago ke tla di gelelela go fitlhelela di kgore.” A ba a akofa a tshela metsi a gagwe mo segopong, a siana gape kwa sedibeng go ga, a gelelela dikammele tsotlhe tsa gagwe. Monna yoo, o ne a mo etse tlhoko, a ntse a itidimaletse gore a tle a lemoge, fa Morena a tshegofaditse leeto la gagwe gongwe nnyaya. Jaanong ya re dikammele di sena go nwa, monna a ntsha lenyena la gouta le bokete jwa lone e leng bontlhanngwe jwa šekele, a ba a mo rwesa mefitshane e le mebedi mo mabogong e bokete jwa yona e leng dišekele di le some tsa gouta. A mmotsa a re: “O morwadia mang? A ko o mpolelele. A go na le manno mo lapeng la ga eno fa re ka lalang teng?” A mo araba a re: “Ke morwadia Bethuele yo e leng morwa Mileka le Nahore.” A ba a mo raya a re: “Re na le lotlhaka lwa mabele le dijo tse dintsi le marobalo.” Ke fa monna yoo a inama, a obamela Morena, a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa ga Aborahame mongwake, yo o sa tlosang bopelotlhomogi jwa gagwe le boammaaruri jwa gagwe mo go mongwake! O ntsamaisitse mo tseleng, a nkgogela lapeng la monnaa morena wa me.” Ke fa mosetsana a siana, a begela lelapa la ga mmaagwe tse di ntseng jalo. Mme Rebeka a bo a na le kgaitsadie, leina la gagwe e le Labane. Labane a sianna kwa monneng yo o kwa motsweding. A dira jalo a sena go bona lenyena le mefitshane mo mabogong a ga kgaitsadie, a sena go utlwa mafoko a ga Rebeka a a reng: “Monna yole o ntheile jaana le jaana”, mme a ya kwa monneng yole, a fitlhela a eme fa dikammeleng fa motsweding. A mo raya a re: “Tsena, motshegofadiwa wa Morena! O emetseng kwa ntle? Ke baakantse ntlo le manno a dikammele.” Monna yoo a tsena mo lapeng. Mme Labane a golola dikammele, a di alela motlhaka, a di fa dijo; mme monna yoo le banna ba ba nang nae a ba tlisetsa metsi gore ba tlhape dinao. Mme ya re a fiwa dijo, a re: “Ga nkitla ke ja ke ise ke bolele se ke se romilweng.” Labane a re: “Bolela!” A re: “Ke motlhanka wa ga Aborahame. Morena o tshegofaditse mongwake gagolo, a nna mogolo; a mo naya dinku le dikgomo le selefera le gouta le batlhanka le malata le dikammele le diesele. Le gona Sara, mosadi wa ga mongwake, o mo tsholetse ngwana wa mosimane, a setse a tsofetse. Jaanong mongwake o abetse morwawe tsotlhe tse o nang natso. Jaanong mongwake o inkanisitse a re: ‘O se ka wa batlela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke agileng mo lefatsheng la bone, mme o ye kwa lapeng la ga rre le kwa losikeng lwa ga etsho, o batlele morwaake mosadi teng.’ Mme ka raya mongwake ka re: ‘Ka gongwe mosadi ga a ka ke a utlwana le nna.’ Ke fa a nthaya a re: ‘Morena yo ke sepetseng fa pele ga gagwe o tla roma moengele wa gagwe nao, a tlhogonolofatsa leeto la gago gore o batlele morwaake mosadi mo losikeng lwa ga etsho mo lapeng la ga rre. Fela o tla bo o bofologile maikanong a o a inkanetseng, fa e ka re o fitlha kwa losikeng lwa ga etsho, ba gana go go neela mosadi; foo o tla bo o bofologile maikanong a o a inkanetseng.’ “Jaanong ka fitlha kajeno fa motsweding, ka rapela ka re: ‘Morena, Modimo wa ga Aborahame mongwake, fa o rata tota go tlhogonolofatsa leeto la me le ke leng mo go lone. Bona, ke eme fa motsweding wa metsi! – A go nne jaana: Lekgarebe le le tlang go ga, le e tla reng ke le raya ke re: “A ko o nnose metsinyana ka nkgo ya gago;” le ntheye le re: “Tsaya o nwe! Le dikammele tsa gago ke tla di nosa,” a e nne ene mosadi yo Morena a mo laoletseng morwa mongwake.’ Jaanong ya re ke ise ke fetse go bua jalo mo pelong, ka bona Rebeka a tla, a sikere nkgo ya gagwe mo legetleng, a fologela motsweding, a ga. Ka mo raya ka re: ‘A ko o nnose!’ A akofa, a sikarolola nkgo ya gagwe mo legetleng a re: ‘Tsaya o nwe! Le dikammele tsa gago ke tla di nosa.’ Ka nwa; a ba a nosa le dikammele. Ka mmotsa ka re: ‘O morwadia mang?’ A re: ‘Ke morwadia Bethuele, morwa Nahore le Mileka.’ Ke fa ke mo rwesa lenyena mo nkong ya gagwe le mefitshane mo mabogong a gagwe. Ka inama, ka obamela Morena, ka tumisa Morena, Modimo wa ga Aborahame mongwake, yo o ntsamaisitseng mo tseleng e e siameng gore ke batlele morwa mongwake morwadia morwa monnawe. “Jaanong fa lo rata go direla mongwake ka bopelotlhomogi le boammaaruri, mpoleleleng, le fa go se jalo, mpoleleleng gore ke tle ke bone kwa ke tla yang teng.” Ke fa Labane le Bethuele ba araba ba re: “Selo se, se tswa mo Moreneng. Ga re ka ke ra gana le e seng go dumela. Bona, Rebeka ke yoo fa pele ga gago; mo tsee o tsamae gore a nne mosadi wa morwa mong-wa-go, jaaka Morena a buile.” Ya re motlhanka wa ga Aborahame a utlwa mafoko ao, a itatlhela fa fatshe fa pele ga Morena. Motlhanka a ba a ntsha mekgabo ya selefera le ya gouta le diaparo, a di fa Rebeka; kgaitsadie le mmaagwe le bone a ba fa tsa tlhwatlhwa e kgolo. Ya baa gona ba jang, ene le banna ba ba nang nae, ba lala teng; ya re ba sena go tsoga ka moso, a re: “Mpheng tsela, ke boele kwa go mongwake!” Mme kgaitsadie le mmaagwe ba re: “A mosetsana a name a sa na le rona malatsinyana le fa e ka nna a le some; e be gona a ka tsamayang.” Mme a ba raya a re: “Se ntieng! Kana Morena o tlhogonolofaditse leeto la me. Mpheng tsela gore ke boele kwa go mongwake.” Ba re: “A re bitseng mosetsana, re utlwe molomo wa gagwe.” Ba bitsa Rebeka, ba mmotsa ba re: “A o tla tsamaya le monna yo?” A re: “Ee, ke tla tsamaya.” Ke fa ba naya Rebeka kgaitsadia-bone tsela, a na le mmelegi wa gagwe, ba tsamaya le motlhanka wa ga Aborahame le banna ba gagwe. Ba tshegofatsa Rebeka, ba mo raya ba re: “Kgaitsadia-rona, o nne mmadiketekete! A bana ba gago ba thope kgoro ya ba ba ba tlhoileng!” Rebeka a bolola le basetsana ba gagwe, ba palama dikammele, ba sala monna yole morago. Motlhanka a tsere Rebeka jalo, a tsamaya. Mme Isaka o ne a boa kwa nageng ya sediba sa “Mophedi-yo-o-mponang,” ka a ne a nna mo nageng ya borwa. Jaanong Isaka o ne a tswetse kwa nageng go akanya go le maitsiboa. Ya re a tlhatlosa matlho, a bona dikammele di tla. Le Rebeka a tlhatlosa matlho a bona Isaka. Ke fa a fologa mo kammeleng, a botsa motlhanka a re: “Ke mang monna yole yo o tsamayang mo nageng a tla go re kgatlhantsha?” Motlhanka a re: “Ke ene mongwake.” Ke fa a tsaya lesire, a itshira ka lone. Jaanong motlhanka a bolelela Isaka dilo tsotlhe tse o di dirileng. Isaka a isa Rebeka mo tenteng ya ga mmaagwe, e bong ya ga Sara, a mo tsaya, a nna mosadi wa gagwe, mme a mo rata. Isaka a gomotsega jalo morago ga loso lwa ga mmaagwe. Aborahame a tsaya mosadi gape; leina la gagwe e ne e le Ketura. Ene a mo tsalela Simerane le Jokosane le Metane le Midiane le Isepake le Sua. Jokosane a tsala Šeba le Detane; bomorwa Detane e ne e le Baašuri le Balethuši le Baleumi. Bomorwa Midiane e ne e le Efa le Efere le Henoge le Abita le Eletaha. Botlhe bao e ne e le bana ba ga Ketura. Mme Aborahame a abela Isaka tsotlhe tse e leng tsa gagwe. Fa e le bomorwa bagadingwana ba Aborahame o neng a na nabo, a ba abela dineo, a ba kgaoganya le Isaka morwawe, Aborahame a sa ntse a phela gore ba ye kwa botlhabatsatsi kwa lefatsheng le le ntlheng ya botlhabatsatsi. Malatsi a dinyaga tsa bophelo jwa ga Aborahame tse o neng a phela ka tsona ke dinyaga di le 175. Aborahame a tlhokafala, a swa a tsofetse thata, e le monnamogolo, a jele lefatshe, a bilediwa kwa go borraagwe. Bomorwawe Isaka le Isemaele ba mo fitlha mo logageng lwa Makapela nageng ya ga Eferone, morwa Sohare wa Mohethe, e e lebaganyeng le Mamere. Ke naga ele e Aborahame o neng a e reka mo go Bahethe. Ke fa go fitlhilweng Aborahame le Sara, mosadi wa gagwe teng. Ya re Aborahame a sena go swa, Modimo wa tshegofatsa Isaka morwawe. Isaka a nna kwa sedibeng sa “Mophedi-yo-o-mponang.” Losika lwa ga Isemaele, morwa Aborahame, yo Hagare wa Moegepeto, lelata la ga Sara, o mo tsetseng le Aborahame, ke lo: Maina a bomorwa Isemaele, a ditshika tsa bone di bidiwang ka ona ke a: Morwa wa ntlha wa ga Isemaele e ne e le Nebayothe; a tlhomagannwa ke Ketare le Atebele le Mibesame le Misima le Duma le Masa le Hatate le Thema le Jeture le Nafise le Kedima. Ke bone bomorwa Isemaele, ke ona maina a bone mo malapeng a bone le mo metsaneng ya bone ya ditente; ke dikgosana di le 12 tsa ditso tsa tsona. Dinyaga tsa bophelo jwa ga Isemaele ke di le 137. Ya baa gona a tlhokafalang, a swa, a bilediwa kwa go borraagwe. Baisemaele ba ne ba agile go simolola kwa Hawila go fitlha kwa Sure yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Egepeto le go fitlha kwa Asiria. Ba nna mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya bomorwa-rraabo botlhe. Losika lwa ga Isaka, morwa Aborahame, ke lo: Aborahame o ne a tsala Isaka. Isaka o ne a le dinyaga di le 40, fa a tsaya Rebeka, morwadia Bethuele wa Mosiria wa kwa Phatane-Arame, kgaitsadia Labane wa Mosiria gore a nne mosadi wa gagwe. Isaka o ne a rapela Morena ka ntlha ya mosadi wa gagwe, gonne o ne a le moopa. Morena a mo utlwa; mme Rebeka, mosadi wa gagwe, a ithwala. Mme bana ba thulana mo teng ga gagwe. Ke fa a re: “Fa go ntse jalo ke phelelang?” Mme a ya go botsa Morena. Morena a mo araba a re: “Ditšhaba tse pedi di mo teng ga gago; merafe e mebedi e tla kgaogana, e tswa mo mpeng ya gago. Morafe mongwe o tla feta o mongwe ka thata. Yo mogolo o tla direla yo mmotlana.” E rile malatsi a gagwe a go belega a sena go fitlha, ga bonala gore o tla tshola mafatlha. Wa ntlha a tla a le mohibidu, a tshwana gotlhe le kobo e e boboa; ke ka moo ba neng ba mmitsa Esau. Morago ga moo ga tla monnawe, seatla sa gagwe se tshwere serethe sa ga Esau; ene ba mo taya leina la Jakobe. E rile fa ba tsalwa, Isaka a bo a na le dinyaga di le 60. Jaanong e rile basimane ba gola, Esau a nna motsomi yo o senatla le monna wa kwa nageng, mme Jakobe e ne e le monna yo o masisi, a nna mo gae. Isaka o ne a rata Esau, ka a ne a natefelwa ke nama ya phologolo, mme Rebeka ene a rata Jakobe. Jakobe o kile a apaya dijo, mme Esau a tla a tswa kwa nageng a lapile thata. Ke fa Esau a raya Jakobe a re: “A ko o mphe, ke je bohibidu jo, gonne ke lapile thata.” Ke ka moo ba mo teileng leina la Etomo. Mme Jakobe a re: “Rekisa pele mo go nna botsalwapele jwa gago.” Esau a re: “Bona, ke gaufi le go swa; go tsalwa pele go tla nthusa eng?” Jakobe a re: “Inkanele pele!” A mo ikanela, a rekisa botsalwapele jwa gagwe mo go Jakobe. Ke fa Jakobe a fa Esau senkgwe le dikgobe tse dikhibidu, a ja a nwa, a nanoga a tsamaya. Esau a nyatsa jalo botsalwapele jwa gagwe. Go kile ga tla leuba gape mo lefatsheng leo, jaaka le kile la nna teng mo malatsing a ga Aborahame. Mme Isaka a ya kwa go Abimelege, kgosi ya Bafelesita, kwa Gerara. Ke fa Morena a iponatsa mo go ene a re: “Se ye kwa Egepeto! Nna mo lefatsheng le ke tla le go bolelelang. Jaka mo lefatsheng le, ke tla nna nao, ke go tshegofatsa; gonne mafatshe aotlhe ao ke tla a naya wena le losika lwa gago. Ke tla dirafatsa maikano a ke a ikanetseng Aborahame rraago. Ke tla atisa bana ba gago, ba nna bantsi jaaka dinaledi tsa legodimo, ke naya losika lwa gago mafatshe aotlhe ao, mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago. Ka gonne Aborahame o utlwile lentswe la me, a tshegetsa dikaelo tsa me le ditaolo tsa me le melao ya me le dithuto tsa me.” Ke fa Isaka a nna kwa Gerara. Jaanong ya re fa batho ba teng ba mmotsa ka ga mosadi wa gagwe, a ba raya a re: “Ke kgaitsadiake,” ka a ne a boifa go re: “Ke mosadi wa me.” A gopola gore banna ba mono ba ka mpolaya ka ntlha ya ga Rebeka; gonne o ne a le montle thata. E rile a sena go nna teng sebaka, Abimelege, kgosi ya Bafelesita, a okomela ka fenstere, a leba a bona Isaka a tshameka le Rebeka, mosadi wa gagwe. Ke fa Abimelege a bitsa Isaka a re: “Kana ke ene mosadi wa gago! O ne o buelang o re: ‘Ke ene kgaitsadio’?” Isaka a mo araba a re: “Ke buile jalo ke tshaba gore gongwe nka swa ka ntlha ya gagwe.” Mme Abimelege a re: “Ke eng se o se re diretseng? Kana go ka bo go diragetse gore mongwe wa batho ba me a itseele mosadi wa gago, mme o ka bo o re dirisitse molato.” Ke fa Abimelege a laola morafe otlhe a re: “Yo o amang monna yo le fa e le mosadi wa gagwe ruri o tla bolawa.” Isaka o ne a lema mo lefatsheng leo. Mme ka ngwaga oo kgetse ya peo ya mmusetsa di le lekgolo, ka Morena a ne a mo tshegofaditse. Monna yoo a nna mogolo jalo, a nna a humela pele go fitlhelela a nna mogolo thata, a na le letsomane la dinku, a na le motlhape wa dikgomo le batlhanka ba bantsi, mo Bafelesita ba bileng ba mo fufegela. Bafelesita ba katela didiba tsotlhe tse batlhanka ba ga rraagwe ba neng ba di epile mo malatsing a ga rraagwe, e bong Aborahame, ba di katela ka mmu. Abimelege le ene a raya Isaka a re: “Tsamaya o re tlogele; gonne o tiile thata bogolo go rona.” Ke fa Isaka a huduga teng, a tlhoma ditente fa molapong wa Gerara, a nna teng. Isaka a katolola didiba tse ba neng ba di epile mo malatsing a ga rraagwe, e bong Aborahame, tse Bafelesita ba neng ba di katetse, fa Aborahame a sena go swa. A di bitsa ka maina a di a teilweng ke rraagwe. Le gona batlhanka ba ga Isaka ba epa mo mokgatsheng, ba phunya motswedi teng wa metsi a a elang. Mme badisa ba Gerara ba lwa le badisa ba ga Isaka ba re: “Ke metsi a rona.” Ke fa a o bitsa “Wa-kgang,” ka ba ne ba omana nae. Ba epa sediba se sengwe. Le sona ba se lwela. Ke fa a se bitsa “Sa-ntwa.” A huduga teng, a epa sediba se sengwe; sona ba se ka ba se lwela. Ke fa a se taya leina la “Naga-e-e-atlhameng” a re: “Ruri, jaanong Morena o re file naga e e atlhameng gore re ate mo lefatsheng.” A ba a tloga teng, a ya kwa Bereseba. Morena a iponatsa mo go ene bosigo joo a re: “Ke nna Modimo wa ga Aborahame rraago. Se boife, gonne ke na nao! Ke tla go tshegofatsa, ke atisa losika lwa gago ka ntlha ya ga Aborahame motlhanka wa me.” Ke fa a aga aletare teng, a rapela leina la Morena, a tlhoma tente ya gagwe teng. Batlhanka ba ga Isaka ba epa sediba gona. Jaanong letsatsi le lengwe Abimelege a ya kwa go ene a tswa kwa Gerara, a na le Ahusathe, tsala ya gagwe le Phigolo molaodi wa mephato ya gagwe. Isaka a ba botsa a re: “Lo tletseng kwa go nna? Kana lo ntlhoile, lwa nteleka mo go lona.” Bone ba re: “Re bonye, fa Morena a na nao tota; ra re: A go ko go nne maikano fa gare ga rona, fa gare ga rona le wena, re dire kgolagano nao gore o se ka wa re direla bosula, jaaka le rona re ise re ke re go ame; jaaka re go diretse tse di molemo fela, ra go tlogela, wa tsamaya ka kagiso. Kana wena o motshegofadiwa wa Morena.” Ke fa a ba direla moletlo, ba a ja, ba a nwa. Ba phakela ka moso, ba ikanelana. Isaka a ba naya tsela, ba mo tlogela ka kagiso. Ka lone letsatsi leo ga tla batlhanka ba ga Isaka, ba mmolelela ka ga sediba se ba se epileng, ba mo raya ba re: “Re bonye metsi.” A se bitsa “Seba”. Ke ka moo leina la motse e leng Bereseba go fitlhelela kajeno. E rile Esau a le dinyaga di le 40, a nyala Judithe, morwadia Beri wa Mohethe, le Basemathe, morwadia Elone wa Mohethe. Bone ba utlwisa Isaka le Rebeka botlhoko jo bo galakang. E rile Isaka a sena go tsofala le matlho a gagwe a sena go foufala, mo a sa tlholeng a bona, a bitsa Esau morwawe yo mogolo, a mo raya a re: “Morwaaka!” A mo araba a re: “Ke fano.” A re: “Bona, ke tsofetse; ga ke itse letsatsi le ke tla swang ka lone. Jaanong a ko o tseye dilo tsa gago tse o tsomang ka tsona le mokotlopo wa gago le bora jwa gago, o ye kwa nageng, o ye go ntsomela phologolo; o tle go ntirela dijo tse di monate tse ke di ratang, o di ntlisetse ke je gore ke tle ke go tshegofatse, ke ise ke swe.” Ya re Isaka a bua jalo le Esau morwawe, Rebeka a bo a ntse a reeditse. Jaanong Esau a ya kwa nageng go tsoma phologolo le go e tlisa. Mme Rebeka a raya Jakobe morwawe a re: “Bona, ke utlwile rraago a bua le Esau mogoloo a re: ‘Ntlisetse phologolo, o ntirele dijo tse di monate gore ke je, ke tle ke go tshegofatse fa pele ga Morena, ke ise ke swe.’ Mme jaanong, morwaaka, utlwa lentswe la me le se ke se go laelang. A ko o ye kwa letsomaneng, o ye go ntseela diphokwana tse dintle di le pedi tsa dipodi. Ke tla di apeela rraago gore e nne dijo tse di monate tse a di ratang; o tla di isa kwa go rraago gore a je, a tle a go tshegofatse, a ise a swe.” Jakobe a raya Rebeka mmaagwe a re: “Bona, nkgonne Esau ke monna yo o boboa, mme nna ke monna yo o borethe. E ka re gongwe rre a nkapaapa, ka nna motsietsi mo matlhong a gagwe, ka itlisetsa khutso, e seng tshegofatso.” Ke fa mmaagwe a mo raya a re: “Khutso ya gago e tla wela mo go nna, morwaaka. Utlwa lentswe la me fela, o ye o di ntseele.” A ya, a di tsaya, a di tlisetsa mmaagwe; mme mmaagwe a apaya dijo tse di monate ka fa rraagwe a di ratang ka teng. Rebeka a ba a tsaya diaparo tsa mokgabo tsa ga Esau morwawe yo mogolo, tse di neng di le mo ntlong, a di apesa Jakobe morwawe yo mmotlana. A ba a mo rwesa mabogo, a mo apesa ka matlalo a diphokwana go bipa borethe molaleng. Dijo tse di monate le senkgwe se a se besitseng a di neela Jakobe morwawe. Mme ene a tsena kwa go rraagwe a re: “Rra!” Isaka a re: “Ke fano; o mang, morwaaka?” Jakobe a araba rraagwe a re: “Ke nna Esau ngwana wa ntlha wa gago. Ke dirile ka fa o ntaetseng ka teng. A ko o tsoge, o dule, o je phologolo ya me gore mowa wa gago o ntshegofatse.” Mme Isaka a botsa morwawe a re: “O e bonye jang ka pele, morwaaka?” A araba a re: “Ke ka gonne Morena a ile a e mpontsha.” Ke fa Isaka a raya Jakobe a re: “Atamela tlhe, ke go apaape morwaaka, ke lemoge fa o le morwaake Esau tota gongwe nnyaya.” Jakobe a atamela Isaka rraagwe; jaanong a mo apaapa a re: “Lentswe ke la ga Jakobe, mme mabogo ke a ga Esau.” Mme a se ka a mo lemoga, gonne mabogo a gagwe a ne a le boboa jaaka mabogo a ga Esau. Ke ka moo o neng a mo tshegofatsa. A mmotsa gape a re: “A wena o morwaake Esau ka nnete?” A araba a re: “Ke nna.” Ke fa a re: “Di ntlisetse, ke je nama ya phologolo ya ga morwaake gore mowa wa me o go tshegofatse.” A di isa fa go ene, mme a ja; a ba a mo isetsa weine, mme a nwa. Morago ga moo Isaka rraagwe a mo raya a re: “A ko o atamele, o nkatle, morwaaka.” A atamela, a mo atla. Ya re a utlwa monko wa diaparo tsa gagwe, a mo tshegofatsa a re: “Bona, monko wa ga morwaake o tshwana le monko wa naga e Morena o e tshegofaditseng. A Modimo o go neye monyo wa legodimo le monono wa lefatshe le letlotlo la mabele le la matute a moweine. A merafe e go direle, a ditšhaba di go ikobele, o nne morena wa bomorwa-rraago. A bomorwa-mmaago ba go ikobele. Go hutsiwe ba ba go hutsang. Go tshegofadiwe ba ba go tshegofatsang.” Jaanong ya re Isaka a sena go fetsa go tshegofatsa Jakobe e le gona fela Jakobe a kgaoganang le rraagwe, Esau mogolowe a goroga, a tswa go tsoma. A apaya dijo tse di monate le ene, a di isa kwa go rraagwe, a raya rraagwe a re: “A rre a tsoge, a je phologolo ya ga morwawe gore mowa wa gago o ntshegofatse.” Mme Isaka rraagwe a mmotsa a re: “Wena o mang?” A araba a re: “Ke nna Esau morwao yo o tsetsweng pele.” Ke fa Isaka a tshoga ka letshogo le legolo thata a re: “Ke mang ne yo o tsomileng phologolo, a e ntlisetsa, ka ja mo go tsotlhe wena o ise o tle, ka ba ka mo tshegofatsa? Le gona o tla tshegofalela ruri.” Ya re Esau a utlwa mafoko a ga rraagwe, a gala ka legalo le legolo le le galakang thata, a raya rraagwe a re: “Rra, le nna ntshegofatse!” Mme ene a re: “Monnao o tlile ka boferefere, a utswa tshegofatso ya gago.” Esau a re: “Ruri, o bidiwa Jakobe ka tshwanelo. Kana o ntsieditse gabedi: Bogolo jwa me o bo tsere; jaanong o tsere le tshegofatso ya me.” A ba a re: “A ga o a ntshadisetsa tshegofatso epe?” Isaka a araba, a raya Esau a re: “Bona, ke mo dirile morena wa gago, ka dira bomorwa-rraagwe botlhe batlhanka ba gagwe, ka mmabalela ka mabele le matute a moweine! Kana wena ke tla go naya eng, morwaaka?” Esau a botsa rraagwe a re: “Rra, a o ne o na le tshegofatso e le nngwe fela? Rra, le nna ntshegofatse!” Ke fa Esau a tsholetsa lentswe, a lela. Jaanong Isaka rraagwe a mo raya a re: “Bona, boago jwa gago bo tla nna kgakala le monono wa lefatshe le kgakala le monyo wa legodimo kwa godimo. O tla phela ka tšhaka ya gago, o direla monnao; mme e tla re o itwela thata, o role joko ya gagwe mo molaleng wa gago.” Ke fa Esau a tlhoa Jakobe ka ntlha ya tshegofatso e rraagwe a mo tshegofaditseng ka yona. Esau a akanya mo pelong a re: “Malatsi a go lelela rre a gaufi; morago ke tla bolaya nnake Jakobe.” Ya re Rebeka a begelwa mafoko a ga Esau morwawe yo mogolo, a roma, a bitsa Jakobe morwawe yo mmotlana, a mo raya a re: “Bona, Esau o rata go ipusolosetsa mo go wena ka go go bolaya. Jaanong, morwaaka, utlwa lentswe la me, nanoga o tshabele kwa go Labane kgaitsadiake kwa Harane. O nne nae malatsi a se kae go fitlhelela bogale jwa ga mogoloo bo time, go tsamaya kgalefo ya ga mogoloo e go tlogele, a lebale tse o di mo diretseng. Foo ke tla roma, ke go tsaya teng. Kana nka tloga ka latlhegelwang ke bobedi jwa lona ka letsatsi le le lengwe fela?” Rebeka a ya, a raya Isaka a re: “Ke sulafalelwa ke bophelo jwa me ka ntlha ya bomorwadia Bahethe. Fa Jakobe a ka tsaya mosadi mo go bomorwadia Bahethe ba lefatshe leno yo o tshwanang le ba, nka phelelang?” Ke fa Isaka a bitsa Jakobe, a mo tshegofatsa, a mo laela, a mo raya a re: “O se ka wa tsaya mosadi mo go bomorwadia Kanana! Mme nanoga o ye kwa Phatane-Arame kwa lapeng la ga Bethuele rra-mmaago, o tseye mosadi mo go bomorwadia Labane malomaago. A Modimo, Rra-thata-yotlhe, o go tshegofatse, o go atise, o go ntsifatse gore o nne masomo a merafe. A o go nee tshegofatso ya ga Aborahame, wena le losika lwa gago gore o rue lefatshe le o leng moeng mo go lone, le Modimo o le neileng Aborahame.” Isaka a naya Jakobe tsela jalo, mme a ya kwa Phatane-Arame kwa go Labane, morwa Bethuele wa Mosiria, kgaitsadia Rebeka, mmaagwe Jakobe le Esau. Jaanong Esau a bona gore Isaka o tshegofaditse Jakobe, e bile a mo roma kwa Phatane-Arame go tsaya mosadi teng, a mo laela ka go mo tshegofatsa a re: “O se ka wa tsaya mosadi mo go bomorwadia Kanana;” a bile a bona gore Jakobe a utlwa rraagwe le mmaagwe, a ya kwa Phatane-Arame. Ya re ka Esau a lemoga ka moo gore bomorwadia Kanana ga ba kgatlhe Isaka rraagwe, a ya kwa go Isemaele, a tsaya Mahalathe, morwadia Isemaele, morwa Aborahame, kgaitsadia Nebayothe, a nna mosadi wa gagwe; a oketsa basadi ba gagwe jalo. Jaanong Jakobe a tloga mo Bereseba, a ya kwa Harane; a phirimelelwa felong gongwe, a lala teng, a tsaya lengwe la majwe a teng, a le sama, a robala mo felong foo. A lora, a bona sepalamo se tlhomilwe fa fatshe, se bofelelo jwa sona bo fitlhang kwa legodimong; a ba a bona baengele ba Modimo ba palama, e bile ba fologa ka sona. A bona Morena a eme mo godimo ga sona a re: “Ke nna Morena, Modimo wa ga Aborahame rraago le Isaka. Lefatshe le o robetseng mo go lone ke tla le naya wena le losika lwa gago. Losika lwa gago lo tla nna jaaka lerole la lefatshe; o tla anamela kwa bophirimatsatsi le kwa botlhabatsatsi le kwa bokone le kwa borwa. Ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena le ka losika lwa gago. Bona, ke na nao, ke tla go boloka gongwe le gongwe kwa o yang teng; ke tla go busetsa gape mo nageng eno. Gonne ga nkitla ke go tlogela go fitlhelela ke dire tse ke di go solofeditseng.” Jaanong ya re Jakobe a thanya mo borokong jwa gagwe a re: “Ruri, Morena o mo felong fano, mme nna ke ne ke sa itse.” A boifa a re: “Felo fano go boitshega jang! Ga se naga fela, ke Ntlo ya Modimo; ke kgoro ya legodimo.” Jakobe a phakela mo mosong, a tsaya lentswe le o neng a le samile, a le tlhoma go nna segopotso, a tshela lookwane godimo ga lone. A taya felo foo leina la “Bethele”, mme leina la kgale la motse wa teng e ne e le Luse. Le gona Jakobe a ipofa ka maikano a re: “Fa Modimo o ka nna le nna, wa mpoloka mo tseleng e ke tsamayang ka yona, wa mpha bogobe go ja le diaparo go apara; ka ba ka boela kwa lapeng la ga rre ka kagiso, foo Morena o tla nna Modimo wa me. Foo lentswe le ke le tlhomileng go nna segopotso e tla nna Ntlo ya Modimo. Gape tsotlhe tse o tla di nnayang ke tla go ntshetsa kabelo ya lesome ya tsona.” Jakobe a wela tseleng, a ya kwa lefatsheng la ba botlhabatsatsi. Ya re a lebaleba, a bona sediba mo nageng le matsomane a le mararo a bothile fa go sona. Gonne ba ne ba nosa matsomane ka go gelela mo sedibeng seo. Sediba sa bo se khurumetswe ka letlapa le legolo. E ne e tle e re fa matsomane otlhe a sena go phuthegela teng, ba pitikolole letlapa, ba le tlose mo molomong wa sediba, ba nose matsomane; morago ba busetse letlapa gape mo mannong a lone mo molomong wa sediba. Jaanong Jakobe a ba botsa a re: “Ba ga etsho, lo tswa kae?” Ba re: “Re tswa kwa Harane.” A ba a ba botsa a re: “A lo itse Labane, morwa Nahore?” Ba re: “Re a mo itse.” A ba botsa gape a re: “A o phela sentle?” Ba re: “Ee, o phela sentle. Le gona, bona, Ragele morwadie ke yole, o tla le dinku!” Ke fa a re: “E sa le motshegare o mogolo. Ga e ise e be nako ya go phutha diruiwa. Nosang dinku, lo be lo ye lo di fudise.” Ba re: “Re a palelwa, ka go ise go phuthege matsomane otlhe; fa badisa ba le mmogo, ba kgona go pitikolola letlapa, ba le tlosa mo molomong wa sediba, ke gona re tla nosang dinku.” Ya re a sa ntse a bua nabo, Ragele a tla ka dinku tse e leng tsa ga rraagwe, gonne a ne a di disa. Mme ya re Jakobe a bona Ragele, morwadia Labane malomaagwe le dinku tsa ga Labane malomaagwe, Jakobe a atamela, a pitikolola letlapa, a le tlosa mo molomong wa sediba, a nosa dinku tsa ga Labane, malomaagwe. Jakobe a ba a atla Ragele, a tsholetsa lentswe, a lela. Jakobe a ba a bolelela Ragele gore ke ene wa losika lwa ga rraagwe le gore ke ene morwa Rebeka. Ke fa Ragele a siana, a bolelela rraagwe. Jaanong ya re Labane a utlwela Jakobe setlogolo sa gagwe, a taboga, a mo kgatlhantsha, a mo tlamparela, a mo atla, a mo isa kwa lapeng la gagwe, mme ene a bolelela Labane tsotlhe tse di mo diragaletseng. Ke fa Labane a raya Jakobe a re: “Ruri, o lesapo la me le nama ya me.” Jaanong Jakobe a nna kgwedi e le nngwe nae. Ke fa Labane a raya Jakobe a re: “Fa o le wa ga etsho, a o ka ntirela fela? Mpolelele gore tuelo ya gago e ka nna eng?” Jaanong Labane o ne a na le bomorwadie ba le babedi, leina la yo mogolo e le Lea, la yo mmotlana e le Ragele. Lea o ne a le matlho a a fokolang, mme Ragele a bopegile sentle, a le montle thata. Ya re ka Jakobe a rata Ragele, a araba a re: “Ke tla go direla dinyaga tse supa ka ntlha ya ga Ragele, morwadio yo mmotlana.” Labane a re: “Go molemo, fa ke mo naya wena, e seng monna o sele. Nna le nna.” Jakobe a mo direla jalo dinyaga tse supa ka ntlha ya ga Ragele. Tsa nna mo go ene jaaka e kete ke malatsinyana fela, ka gonne o ne a mo rata. Jaanong Jakobe a raya Labane a re: “Mphe mosadi wa me, gonne malatsi a me a go direla bogadi a fedile gore ke mo nyale.” Ke fa Labane a laletsa batho botlhe ba felo foo, a dira moletlo. Mme ya re go le maitsiboa, a tsaya morwadie Lea, a mo isa kwa go ene, mme Jakobe a tsena mo go ene. Labane a ntsha Silepa, lelata la gagwe, a mo neela Lea morwadie go nna lelata la gagwe. Ya re mo mosong Jakobe a fitlhela e le Lea, a raya Labane a re: “Ke eng se o se ntiretseng? A ga ke a go direla ka ntlha ya ga Ragele? O ntsieleditseng?” Labane a mo araba a re: “Ga se mokgwa wa rona go ka nyadisa yo mmotlana pele ga yo mogolo. Fetsa beke ya moletlo le yo, foo re tla go naya yole le ene ka ntlha ya tirelo e o tla e ntirelang dinyaga tse supa tse dingwe gape.” Jakobe a dira jalo, a fetsa beke nae. Ke fa Labane a mo naya Ragele morwadie go nna mosadi wa gagwe. Le gona Labane a ntsha Bileha, lelata la gagwe, a mo neela Ragele morwadie go nna lelata la gagwe. Jakobe a tsena le kwa go Ragele, mme a mo rata bogolo go Lea. A mo direla dinyaga tse dingwe tse supa gape. Ya re Morena a bona, fa Lea a nyadiwa, a mo naya bana, mme Ragele a nna moopa. Lea a nna moimana, a tshola ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Rubene. Gonne a re: “Morena o bonye pogisego ya me. Jaanong monna wa me o tla nthata.” A ithwala gape, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Morena o utlwile, fa ke sa ratiwe; ke ka moo o mphileng le ene yo.” A mo taya leina la Simeone. A nna moimana gape, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Jaanong monna wa me o tla nkgomarela, gonne ke mo tsaletse basimane ba le bararo.” Ka moo a mo taya leina la Lefi. A nna moimana gape, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Kajeno ke tla baka Morena.” Ka moo a mmitsa Juta. Jaanong a ema go belega. E rile Ragele a bona, fa a sa tsholele Jakobe bana, Ragele a fufegela mogolowe, a raya Jakobe a re: “Mphe bana! Go seng jalo, ke tla swa.” Mme Jakobe a tukela Ragele bogale a re: “A ke nna Modimo o o go timang bana!” Ragele a re: “Bileha, lelata la me, ke yo, tsena kwa go ene gore a ntsalele bana, le nna ke bone bana ka ene.” A mo naya Bileha, lelata la gagwe, go nna mogadingwana, mme Jakobe a tsena kwa go ene. Bileha a nna moimana, a tsalela Jakobe mosimane. Ke fa Ragele a re: “Modimo o nkatlholetse, o bile o utlwile lentswe la me, wa mpha ngwana wa mosimane.” Ka moo a mo taya leina la Dane. Bileha, lelata la ga Ragele, a nna moimana gape, a tsalela Jakobe mosimane wa bobedi. Ke fa Ragele a re: “Dikampano tsa Modimo ke di kampanye le nkgonne, ka ba ka fenya.” Mme a mo taya leina la Nafetale. Jaanong ya re Lea a bona, fa a khutlile go belega, a tsaya Silepa, lelata la gagwe, a mo neela Jakobe go nna mogadingwana. Silepa, lelata la ga Lea, a tsalela Jakobe mosimane. Ke fa Lea a re: “A letlhogonolo!” A mo taya leina la Gate. Silepa, lelata la ga Lea, a ba a tsalela Jakobe mosimane wa bobedi. Ke fa Lea a re: “A lesego la me! Jaanong basadi ba tla mpoka ba re, ke sego.” A mo taya leina la Asere. Rubene o ne a kile a tsamaya mo malatsing a thobo ya mabele, a bona maungo a meratiso mo nageng, a a tlisetsa Lea mmaagwe. Mme Ragele a raya Lea a re: “A ko o mphe mangwe a maungo a meratiso a ga morwao.” Lea a mo araba a re: “A ga o a itumela, ka o nkamogile monna wa me? A le gona o rata go nkamoga maungo a meratiso a ga morwaake?” Ragele a re: “A Jakobe a robale nao bosigo jono, fa o ka mpha maungo a meratiso a ga morwao.” Jaanong ya re Jakobe a boa kwa masimong mantsiboa Lea a ya a mo kgatlhantsha, a mo raya a re: “O tshwanetse go tla kwa go nna, gonne ke go rekile ruri ka maungo a meratiso a ga morwaake.” Mme a robala nae bosigo joo. Modimo wa utlwa Lea, a nna moimana, a tsalela Jakobe mosimane wa botlhano. Ke fa Lea a re: “Modimo o mphile tuelo, ka gore ke neetse monna wa me lelata la me.” Mme a mo taya leina la Isašare. Lea a nna moimana gape, a tsalela Jakobe mosimane wa borataro. Ke fa Lea a re: “Modimo o mphile mpho e ntle. Jaanong monna wa me o tla nna le nna, gonne ke mo tsaletse basimane ba barataro.” Mme a mo taya leina la Sebulone. Morago ga moo a tshola ngwana wa mosetsana, a mo taya leina la Dina. Modimo wa gopola Ragele le ene, wa utlwa thapelo ya gagwe, wa mo naya ngwana. A nna moimana, a tshola ngwana wa mosimane a re: “Modimo o tlositse kgobo ya me.” A mo taya leina la Josefa a re: “A Morena a mphe mosimane yo mongwe gape!” Jaanong ya re Ragele a sena go tshola Josefa, Jakobe a raya Labane a re: “Mphe tsela, ke boele kwa ga etsho le kwa lefatsheng la ga etsho! Nthebolele basadi ba me le bana ba me ba ke go diretseng ka ntlha ya bone gore ke tsamae; gonne o itse tiro ya me ka wesi e ke e go diretseng.” Labane a mo raya a re: “A ko o ntebe ka bopelotlhomogi! Ke lemogile ka mabaka, fa Morena a ntshegofatsa ka ntlha ya gago.” A ba a re: “Mpolelele tuelo ya gago; ke tla e go naya.” A mo fetola a re: “O itse ka wesi ka fa ke go diretseng ka teng le ka fa diruiwa tsa gago di atileng ka teng, ka tlamelo ya me. Gonne ke fitlhetse o na le di se kae fela, mme jaanong di atile thata. Morena o go tshegofaditse ka se ke se dirang. Mme jaanong motse wa me ke tla o direla leng?” Labane a re: “Ke go neye eng?” Jakobe a re: “O se ka wa nnaya sepe. Fa o ka ntirela se ke se buang, ke tla fudisa letsomane la gago gape, ke le disa: Ke tla ralala letsomane lotlhe la gago kajeno, ke tlhaola tsotlhe teng tse dikgwana le tse dikgwebana, e leng dikwana tsotlhe tsa dinku tse ditlhwana, le tse dikgwana le tse dikgwebana mo dipoding: Tsona tseo e tla nna tuelo ya me. Tshiamo ya me e tla supa ka ga me ka metlha e e tlang gore ke siame, fa o tla go tlhola tuelo ya me: Tsotlhe tse di seng dikgwana le tse di seng dikgwebana mo dipoding le tse di seng ditlhwana mo dinkung di tla bo di utswitswe ke nna.” Labane a araba a re: “Go siame! A go nne ka fa o buileng ka teng.” Ka lone letsatsi leo Labane a tlhaola diphoko tse dikgwana le tse dikgwebana le dipodi tsotlhe tse dikgwana le tse dikgwebana, tsotlhe tse bosweu bo leng teng mo go tsona, le tse dintsho tsotlhe mo dinkung, a di neela mo tisong ya bomorwawe. A ba a di katologanya sebaka sa malatsi a mararo le Jakobe. Mme Jakobe a disa matsomane a ga Labane a a setseng. Jaanong Jakobe a tsaya dithupa tse dinana tsa popoleri le tsa moamantele le tsa palatane, a seta methaladi mo go tsona, e nne mesweu, a bipolola bosweu jo bo mo dithupeng. A tlhoma dithupa tse a di setileng mo meseleng le mo digopong tsa metsi, fa difutshane di nwang teng fa pele ga matlho a tsona. Jaanong ya re di tla go nwa, tsa gwelwa. Difutshane tsa gwelwa di ntse di lebaganye le dithupa tseo; tsa tsala jalo tse di nang le bongolwana le bogwana le bogwebana. Difutshane tseo Jakobe a di tlhaola. A ba a lebaganya difatlhego tsa tsona le tse di nang le bongolwana le tse dintsho tsotlhe mo matsomaneng a ga Labane. A feta a itlhaolela matsomane a gagwe, a sa a kopanye le matsomane a ga Labane. Jaanong ka nako le nako, fa difutshane tse di nonofileng di gwelwa, Jakobe a tlhome dithupa mo meseleng fa pele ga matlho a tsona gore di gwelwe fa dithupeng. Mme fa difutshane di le bokoa, a se ke a di tlhome. Ka mokgwa o tse di bokoa ya nna tsa ga Labane, mme tse di nonofileng ya nna tsa ga Jakobe. Jakobe a huma jalo thata thata, a na le matsomane a magolo le malata le batlhanka le dikammele le diesele. Ke fa a utlwa dipolelo tsa bomorwa Labane ba re: “Jakobe o tsere dilo tsotlhe tse e neng e le tsa ga rraetsho. Khumo yotlhe e o e phuthile e tswa mo go tsa ga rraetsho.” Le gona Jakobe a lemoga sefatlhego sa ga Labane gore ga se tlhole se mo leba sentle jaaka maabane le maloba. Jaanong Morena a raya Jakobe a re: “Boela kwa lefatsheng la borraago le kwa go ba ga eno; ke tla nna nao.” Ke fa Jakobe a roma motho go biletsa Ragele le Lea kwa nageng kwa letsomaneng la gagwe, a ba raya a re: “Ke lemoga ka sefatlhego sa ga rraeno, fa a sa tlhole a nteba jaaka maabane le maloba, mme Modimo wa ga rre o ntse o na le nna. Lo itse ka losi, fa ke diretse rraeno ka thata yotlhe ya me. Mme rraeno o ntsieditse, a fetola tuelo ya me gasome; mme Modimo ga o a ka wa mo leseletsa go ka ntshenyetsa. Ya re fa a re: ‘Tse dikgwebana e tla nna tuelo ya gago,’ letsomane lotlhe la tsala tse dikgwebana. Fa a re: ‘Tse dikgwana e tla nna tuelo ya gago,’ letsomane lotlhe la tsala tse dikgwana. Ke Modimo o o amogileng rraeno difutshane, wa di nnaya. “Ka sebaka sa go gwelwa ga difutshane, ka tlhatlosa matlho, ka bona mo torong, ka fitlhela diphelehu le diphoko tse di neng di gwela difutshane, e le tse di nang le bogwana le bongolwana le bogwebana. Mme moengele wa Modimo a nthaya mo torong a re: ‘Jakobe!’ Ka re: ‘Ke fano.’ A ba a re: ‘A ko o tlhatlose matlho, o bone diphelehu le diphoko tsotlhe tse di gwelang difutshane, ke tse di nang le bogwana le bongolwana le bogwebana. Gonne ke bonye dilo tsotlhe tse Labane o di go direlang. Ke nna Modimo wa Bethele kwa o tloditseng lentswe la segopotso teng, kwa o inkanetseng maikano teng. Jaanong, nanoga o tlogele lefatshe leno, o boele kwa lefatsheng la ga eno!’ ” Ragele le Lea ba mo araba ba re: “A re sa ntse re na le kabelo gongwe boswa mo lapeng la ga rraetsho? A ga ke re, re kaiwa baeng fela ke ene? Kana o re rekisitse. Le gona o ntse a ja magadi a rona. Tota khumo yotlhe e Modimo o e amogileng rraetsho ke ya rona le bana ba rona. Jaanong dira tsotlhe tse Modimo o di go laetseng.” Ke fa Jakobe a huduga. Bana ba gagwe le basadi ba gagwe a ba palamisa dikammele, a tsaya diruiwa tsotlhe tsa gagwe le dithoto tsotlhe tse a di itiretseng le metlhape yotlhe ya gagwe e a e bapetseng kwa Phatane-Arame, a boela kwa go Isaka, rraagwe, kwa lefatsheng la Kanana. Labane o ne a sa ntse a ile go beola dinku tsa gagwe. Ke fa Ragele a utswa modimo wa seseto wa ga rraagwe. Mme Jakobe a tsietsa Labane wa Mosiria, a mo lobela, fa a rata go ngwega. A ngwega jalo ka tsotlhe tse o nang natso, a tloga, a tshela noka ya Ferathe, a tswelela pele go ya kwa dithabeng tsa Gileate. Mme e rile ka letsatsi la boraro Labane a bolelelwa gore Jakobe o ngwegile. Ke fa a tsaya bomorwa-rraagwe, a ya nabo, a mo latela a le bokgakala jwa malatsi a supa, a mo tshwara kwa dithabeng tsa Gileate. Mme Modimo wa tla kwa go Labane wa Mosiria ka toro bosigo, wa mo raya wa re: “O itise gore o se ka wa bua le Jakobe ka bosula, fa e se ka molemo.” Labane a fitlha kwa go Jakobe. Jakobe o ne a tlhomile tente ya gagwe mo thabeng nngwe, Labane le ene a tlhoma ya gagwe mo thabeng e nngwe, e bong ya Gileate, a na le bomorwa-rraagwe. Mme Labane a raya Jakobe a re: “O dirileng fa o ntobetse, wa hudusa bomorwadiake jaaka batshwarwi ba ntwa? Ke ka ntlha ya eng, fa o ngwegile, wa ntsietsa, wa se ka wa nkitsise? Kana nka bo ke go felegeditse ka boitumelo, ka difela le ka meropa le diharepa! Ga o a ka wa nteseletsa go ka atla bomorwaake le bomorwadiake! O dirile ka boeleele. Diatla tsa me di na le thata go ka lo direla bosula. Mme Modimo wa ga rraeno o letse o ntheile bosigo wa re: ‘Itise gore o se ka wa bua le Jakobe ka bosula, fa e se ka molemo.’ “Jaanong go siame, o hudugile, gonne o ne o tlhologeletswe lelapa la ga rraago thata. Mme ke ka ntlha ya eng fa o utswile modimo wa me?” Jakobe a araba Labane a re: “Ke ne ka boifa gore o ka tla wa ntseela bomorwadio ka thata. Jaanong yo o tla fitlhelang modimo wa gago mo go ene, a a se ka a phela. Mphukutse fa pele ga bomorwa-rraetsho, o o batle.” Jakobe o ne a sa itse, fa Ragele a o utswile. Ke fa Labane a batla mo tenteng ya ga Jakobe le mo go ya ga Lea le mo go ya malata a mabedi, mme a se ka a o bona. A ba a tswa mo tenteng ya ga Lea, a tsena mo go ya ga Ragele. Mme Ragele o ne a tsere modimo oo, a o beile mo seipeeletsong sa kammele, a ntse mo go ona. Labane a fukutsa tente yotlhe, mme a se ka a o bona. Ke fa Ragele a raya rraagwe a re: “A matlho a morena wa me a se ka a tuka bogale, fa ke palelwa ke go nanoga fa pele ga gago. Gonne ke na le mokgwa wa basadi.” Labane a fukutsa, mme a se ka a bona modimo oo. Mme Jakobe a tuka bogale, a omanya Labane. Jakobe a simolola go bua, a botsa Labane a re: “Ke sentseng? Ke fositse ka eng, fa o tla, o ntshetse morago ka bogale jo bo tukang? E re ka o fukuditse dithoto tsa me tsotlhe, a o ne wa bona sengwe sa dithoto tsa lapa la gago? Se bee fano fa pele ga ba ga rona gore ba atlhole fa gare ga me le wena. E setse e le dinyaga di le 20 ke ntse ke na nao. Dinku tsa gago le dipodi tsa gago ga di ise di ke di folotse. Diphelehu tsa letsomane la gago ga ke a di ja. Tse di gagotsweng ke dibata ga ke a ka ka di go tlisetsa; ke ne ke na le go di lefa, o di lopa mo diatleng tsa me, le fa di ne di utswilwe motshegare gongwe bosigo. Ke ne ke bolawa ke letsatsi motshegare le serame bosigo; ke tlhoka boroko. Ke ntse dinyaga di le 20 mo lapeng la gago, ka go direla dinyaga di le 14 ka ntlha ya bomorwadio le dinyaga di le thataro ka ntlha ya letsomane la gago, mme o fetotse tuelo ya me gasome. Fa Modimo wa ga rre, Modimo wa ga Aborahame, ona o Isaka a o boifang, o ka bo o se na le nna, ruri, wena o ka bo o ntsamaisitse ke iphotlhere fela. Fela Modimo o bonye pogisego ya me le matsapa a diatla tsa me; e bile o letse o di atlhotse.” Labane a fetola Jakobe a re: “Basadi ba ke bomorwadiake le basimane ba ke bana ba me le letsomane le ke letsomane la me le tsotlhe tse o di bonang ke tsa me. Mme jaanong bomorwadiake gongwe bana ba bone ba ba ba tsetseng, nka ba tlhokofatsa jang kajeno? A re dire kgolagano, nna le wena gore e nne sesupo gare ga me le wena.” Ke fa Jakobe a tsaya lentswe, a le tlhoma go nna segopotso. Jaanong Jakobe a raya bomorwa-rraagwe a re: “Kgobokanyang majwe.” Ba tsaya majwe, ba dira sefikantswe. Ba feta ba jela mmogo mo godimo ga sona. Labane a se bitsa Jegare-Sahadutha. Jakobe ene a se bitsa Galete. Ke fa Labane a re: “Sefikantswe se ke sesupo gare ga me le wena kajeno.” Ke ka moo se biditsweng Galete, le Mitsepha, ka Labane a rile: “Morena a okomele fa gare ga me le wena, fa re sena go kgaogana. Fa o ka bogisa bomorwadiake, gongwe fa o tsaya basadi ba bangwe kwa ntle ga bomorwadiake – le fa go se na ope fa go rona, itse gore Modimo ke mosupi fa gare ga me le wena.” Labane a raya Jakobe gape a re: “Bona, sefikantswe ke se le lentswe la segopotso ke le, ke di tlhomile fa gare ga me le wena. Sefikantswe se ke sesupo, lentswe la segopotso le ke sesupo sa gore, ke se ka ka feta sefikantswe se, ka tla kwa go wena; mme le wena o se ka wa feta sefikantswe se le lentswe la segopotso le, wa tla kwa go nna ka maikaelelo a a bosula. A Modimo wa ga Aborahame le Nahore, ona Modimo wa ga rraabo, o atlhole fa gare ga rona.” Ke fa Jakobe a ikana ka ona o o boifiwang ke Isaka rraagwe. Jakobe a ba a dira setlhabelo gona mo thabeng, a laletsa bomorwa-rraagwe, ba ja dijo mmogo, ba lala mo thabeng. Jaanong Labane a phakela mosong, a atla bomorwawe le bomorwadie, a ba tshegofatsa. Labane a ba a tloga, a boela kwa ga gabo. Le Jakobe a fetela pele mo tseleng ya gagwe, mme baengele ba Modimo ba kgatlhana nae. Ya re Jakobe a ba bona a re: “Ke bothibelelo jwa Modimo.” A taya felo foo leina la Mahanaime. Jaanong Jakobe a roma barongwi go mo etelela pele go ya kwa go Esau mogolowe, kwa lefatsheng la Seire nageng ya Etomo, a ba laela a re: “Lo fete lo ree Esau morena wa me, lo re: ‘Jakobe motlhanka wa gago o bua jaana a re: Ke ne ke ile go jaka kwa go Labane, ka diega teng go fitlha nakong eno, ka bapala dikgomo le diesele le letsomane le batlhanka le malata, mme ke romile go begela morena wa me le go bona bopelotlhomogi mo go ene.’ ” Mme barongwi ba boela kwa go Jakobe ba re: “Re fitlhile kwa go Esau mogoloo; le gona o setse a le mo tseleng go go kgatlhantsha, o na le banna ba le 400.” Ke fa Jakobe a boifa thata, a tlalelwa. A ba a kgaoganya batho ba ba nang nae le letsomane le motlhape le dikammele, ya nna mathibelelo a mabedi. Gonne a re: “Fa Esau a tla kwa bothibelelong bongwe, a bo fenya, bothibelelo jo bo setseng bo ka falola.” Jaanong Jakobe a rapela a re: “Modimo wa borre, e bong Aborahame le Isaka, wena Morena yo o ntheileng wa re: ‘Boela kwa lefatsheng la ga eno le kwa go ba ga eno, ke tla go direla molemo!’ Ga ke a tshwanelwa ke mautlwelo-botlhoko otlhe le boikanyo jotlhe tse o di diretseng motlhanka wa gago. Gonne ke ne ka tshela Joretane yo ke tshotse thobane ya me fela, mme jaanong ke na le meraka e mebedi. A ko o nthuse, ke phologe mo seatleng sa ga nkgonne, e bong Esau, gonne ke a mmoifa; e se re gongwe a tla, a mpolaya le bana le bommaabo. Kana wena o rile: ‘Ruri, ke tla go direla tse di molemo, ke atisa losika lwa gago jaaka motlhaba wa lewatle o o sa balweng ka ntlha ya bontsi.’ ” Jaanong a lala teng bosigo jole. Mo go tse a di ruileng a ntshetsa Esau mogolowe mpho, e bong dipodi di le 200 le diphoko di le 20 le dinku di le 200 le diphelehu di le 20 le dikammele tse di amusang di le 30 mmogo le bana ba tsona le dikgomo tse dinamagadi di le 40 le dipoo di le some le diesele tse dinamagadi di le 20 le dieselana di le some. A di neela batlhanka ba gagwe, setlhopha sengwe le sengwe se le sosi. A laela batlhanka ba gagwe a re: “Nketeleleng pele, mme lo ntshe dipaka fa gare ga ditlhopha.” A laela wa ntlha a re: “E re fa Esau, nkgonne, a kgatlhana nao, a go botsa a re: ‘O oora mang? O ya kae? Tse o di thibang tse ke tsa oora mang?’ o re: ‘Ke tsa ga Jakobe, motlhanka wa gago; ke mpho e o e romelang Esau, morena wa me. Bona, le ene ka esi o e tla kwa morago ga rona.’ ” Le wa bobedi a mo laela jalo le wa boraro le botlhe ba ba setseng ditlhopha tsa diruiwa morago, a re: “Buang jalo le Esau, fa lo mmona. Gape lo bo lo re: ‘Bona, le ene Jakobe, motlhanka wa gago, o re setse morago.’ ” Jakobe o ne a dira jalo, ka a re: “A ke time bogale jwa gagwe ka neo e ke e eteletsang pele. Morago ga moo ke tla mmona; ka gongwe o tla nkamogela sentle.” Neo ya mo etelela pele, ene a lala bosigo joo mo bothibelelong. Mme a tsoga e sa le bosigo joo, a tsaya basadi ba gagwe ka bobedi le bagadingwana ba gagwe ka bobedi le bana ba gagwe ba le 11, a tshela Jaboke fa letsibogong. A ba tsaya a ba tshedisa noka, a ba a tshedisa tse a nang natso. Jakobe a sala a le esi. Ke fa monna mongwe a kampana nae ga tsamaya mahube a tswa. Mme monna yole, ka a bona, a sa mo fenye, a mo itaya mo nokeng ya gagwe, mme Jakobe a kumoga mmasutswane, fa a ntse a sokasokana nae. Mme monna yole a re: “Ntese ke tsamae, gonne mahube a dule.” Mme Jakobe a re: “Ga nka ke ka go lesa, o ise o ntshegofatse.” Ke fa a mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?” A re: “Ke Jakobe.” A fetola a re: “Ga o nke o tlhola o bidiwa Jakobe, jaanong o tla bidiwa Iseraele; gonne o kampanye le Modimo le batho, mme o fentse.” Jakobe a botsa a re: “A ko o mpolelele leina la gago.” Yoo a re: “O boletsang leina la me?” A ba a mo tshegofatsa teng koo. Jakobe a taya felo foo leina a re: Pheniele. Gonne a re: “Ke bonye Modimo, re lebantse difatlhego, ke bile ka phologa.” Ya re a sena go feta Pheniele, letsatsi la mo tlhabela, mme a bo a tlhotsa, ka a ne a bolawa ke noka. Ke ka moo Baiseraele ba sa jeng mosifa wa noka o o mo mmasutswaneng go fitlhelela kajeno, ka a ne a iteile Jakobe mo mmasutswaneng mo mosifeng wa teng. Jaanong ya re Jakobe a tlhatlosa matlho, a bona Esau a tla a na le banna ba le 400. Ke fa a kgaoganya bana ba gagwe, a ba neela Lea le Ragele le bagadingwana ba babedi. Bagadingwana le bana ba bone a ba eteletsa pele, ba latelwa ke Lea le bana ba gagwe, Ragele le Josefa ba le kwa morago. Ene ka esi a ba etelela pele, a inamela fa fatshe ga supa ga tsamaya a fitlha kwa go mogolowe. Mme Esau a siana go mo kgatlhantsha, a mo tlamparela, a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla, mme ba lela. Esau a tlhatlosa matlho, a bona basadi le bana, a botsa a re: “Ke bomang ba o nang nabo?” A araba a re: “Ke bana ba Modimo o tshegofaditseng motlhanka wa gago ka bone.” Ke fa bagadingwana ba atamela, bone le bana ba bone, ba inama. Le Lea a atamela le bana ba gagwe, ba inama. Morago ga moo ga atamela Josefa le Ragele, ba inama. Ke fa a botsa a re: “O romeletseng ditlhopha tsotlhe tsele tse ke kgatlhanyeng natso?” A araba a re: “Ke go re, ke bone bopelotlhomogi mo moreneng wa me.” Mme Esau a re: “Ke na le tse dintsi, nnaka. A tse o nang natso e nne tsa gago.” Jakobe a fetola a re: “Nnyaya, ka thapelo! Fa o ntebile ka bopelotlhomogi, amogela mpho e e tswang mo go nna. Gonne ke bonye sefatlhego sa gago jaaka e kete ke sa Modimo, wa nkamogela ka boitumelo. A ko o amogele mpho ya me e ke e go tletseng; gonne Modimo o di mphile ka bopelotlhomogi, ke bile ke sa na le tse dintsi.” A mo emelela jalo, ga tsamaya a di amogela. Jaanong Esau a re: “A re nanoge, re tsamae. Ke tla tsamaya le wena, ke go eteletse pele.” Mme a mo raya a re: “Morena wa me o a itse gore, bana ba sa le bannye; le gona ke na le difutshane le dikgomo tse di amusang. Fa ba di tsamaisa thata letsatsi le le lengwe fela, di ka swa tsotlhe. A morena wa me a etelele motlhanka wa gagwe pele. Nna ke tla tla ke iketlile ka fa diruiwa di tsamayang ka teng tse ke di gatelelang, le ka fa bana ba nonofileng ka teng, go ya go fitlhela ke goroge kwa moreneng wa me kwa Seire.” Esau a re: “Nte ke go tlogelele bangwe ba batho ba ke nang nabo!” Mme a fetola a re: “E tla bo e le ka ntlha ya eng? A ke bone bopelotlhomogi fela mo moreneng wa me.” Foo Esau a wela tsela ka letsatsi leo, a boela kwa Seire. Mme Jakobe a tloga, a ya kwa Sukothe, a ikagela ntlo teng, a agela diruiwa tsa gagwe maobo. Ke ka moo o teileng felo foo leina la Sukothe. Jakobe a ba a fitlha ka kagiso kwa motseng wa Šegeme o o mo lefatsheng la Kanana, fa a tswa go boa kwa Phatane-Arame, a thibelela mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse. Sebata seo sa naga se o neng a tlhomile tente ya gagwe mo go sona a se reka mo go bomorwa Hemore, rraagwe Šegeme, ka madi a le lekgolo. A aga aletare teng, a e bitsa “Modimo wa ga Iseraele ke ona Modimo.” Dina, morwadia Lea yo a mo tsaletseng Jakobe, o kile a ile go bona makgarebe a lefatshe leo; ke fa Šegeme, morwa Hemore wa Mohewi, kgosi ya lefatshe leo, a mmona, a mo tshwara, a robala nae, a mo senya. Mme a kgomarela Dina, morwadia Jakobe, ka pelo yotlhe, a rata mosetsana yoo, a bua tse di kgatlhang pelo ya mosetsana yoo. Šegeme a ba a bua le Hemore rraagwe a re: “Mpatlele mosetsana yoo gore a nne mosadi wa me.” Mme Jakobe a utlwa, fa Šegeme a sentse Dina, morwadie; jaanong e re ka bomorwawe ba le kwa dikgomong kwa nageng, Jakobe a didimala go fitlhelela ba be ba tla. Ke fa Hemore, rraagwe Šegeme, a ya kwa go Jakobe go bua nae. Jaanong e rile bomorwa Jakobe ba tswa kwa nageng, ba tsena mo gae, ba utlwa dilo tseo. Mme ba utlwa botlhoko, ba tuka bogale thata, gonne o ne a dirile boatla mo go Iseraele ka go robala le morwadia Jakobe, ba re: “Se se ntseng jalo ga se a tshwanela go dirwa.” Jaanong Hemore a bua nabo a re: “Šegeme morwaake o kgomaretse morwadia-lona ka pelo yotlhe. A ko lo mo mo nee gore e nne mosadi wa gagwe. Nyalelalanang le rona; re neeleng bomorwadia-lona, lo itseeleng bomorwadia-rona, lo nne le rona. Lefatshe le tla bo le lo atlhametse. Agang, lo le ralale, lo nnele ruri mo go lone.” Le Šegeme a bua le rraagwe Dina le bokgaitsadie a re: “A ke bone bopelotlhomogi mo go lona. Se lo se batlang ke tla se ntsha. Batlang bogadi le dineo mo go nna ka fa lo ratang ka teng, ke tla di ntsha. Fela mosetsana yoo lo mo nnee, a nne mosadi wa me.” Bomorwa Jakobe ba fetola Šegeme le Hemore rraagwe – ba bua ka bolotsana, ka a sentse Dina kgaitsadia-bone – ba ba raya ba re: “Ga re ka ke ra naya monna yo o sa rupang kgaitsadia-rona; go ka re tlhabisa ditlhong. Re ka dumelana le lona fela, fa lo ka dumela go rupa lotlhe jaaka rona. Foo re tla lo naya bomorwadia-rona, re tsaya bomorwadia-lona; re tla nna le lona, re le morafe o le mongwe fela. Mme fa lo sa utlwane le rona ka go rupa, re tla tsaya morwadia-rona, re huduga.” Mafoko a bone a ne a kgatlha Hemore le Šegeme, morwa Hemore. Lekau leo la se ka la diega go dira jalo, ka gonne le ne le rata morwadia Jakobe; le gona le ne le tlotlega bogolo go botlhe ba lelapa la ga rraalo. Jaanong Hemore le Šegeme morwawe ba ya kwa kgotleng ya motse wa bone, ba bua le banna ba motse ba re: “Batho bao ba agisanya le rona. A ba nne mo lefatsheng leno, ba le ralale. Kana lefatshe le ba atlhametse mo ntlheng tsotlhe. A re tseeng bomorwadia-bone go nna basadi ba rona; re ba neeleng bomorwadia-rona! Mme banna bao ba ka dumela go nna le rona, re nna morafe o le mongwe fela fa banna botlhe ba rona ba ka rupa jaaka bone. A ga se gore matsomane a bone le dithoto tsa bone le diruiwa tsotlhe tsa bone e tla nna tsa rona? A re dumelaneng nabo gore ba nne le rona.” Ke fa botlhe ba lekgotla la motse ba dumalelana le Hemore le Šegeme morwawe; ga rupisiwa banna botlhe ba motse. Jaanong ya re ka letsatsi la boraro, ba sa ntse ba le mo botlhokong, bomorwa Jakobe ba le babedi, e bong Simeone le Lefi, bokgaitsadia Dina, ba tsaya ditšhaka tsa bone ka bobedi jwa bone, ba tsena mo motseng o o iketlileng, ba bolaya banna botlhe. Le Hemore le Šegeme morwawe ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka, ba ntsha Dina mo ntlong ya ga Šegeme, ba tloga. Bomorwa Jakobe ba bangwe ba tla kwa go ba ba bolailweng, ba thukhutha motse oo, ka gonne ba ne ba sentse kgaitsadia-bone. Ba gapa matsomane a bone le matlhape a bone le diesele tsa bone le tse di mo motseng le tse di kwa masimo, le dithoto tsotlhe tsa bone; ba isa bana botlhe ba bone le basadi ba bone mo botshwarong; ba thukhutha tsotlhe tse di mo matlong. Ke fa Jakobe a raya Simeone le Lefi a re: “Lo nkisitse mo tatlhegong, lwa nnkgisa mo baaging ba lefatshe leno mo go Bakanana le mo go Baferesi, etswe ke na le banna ba se kae fela. Fa ba ka kgobokana go ntlhasela, ba ka mpolaya, ka nyelediwa nna le ba lapa la me.” Mme ba fetola ba re: “Ke eng, fa a ka dira ka kgaitsadia-rona jaaka seaka?” Morago ga moo Modimo wa raya Jakobe wa re: “Nanoga o hudugele kwa Bethele, o nne teng, o dire aletare teng ya Modimo o o kileng wa iponatsa mo go wena, fa o tshaba Esau mogoloo.” Ke fa Jakobe a raya ba lapa la gagwe le botlhe ba ba nang nae a re: “Tlosang medimo e sele e e mo go lona, lo tlhape, lo apare diaparo di sele. A re nanogeng, re hudugele kwa Bethele gore ke dire aletare teng ya Modimo o o nkutlwileng ka letsatsi la tlalelo ya me, wa ba wa nna le nna mo tseleng e ke tsamaileng ka yona.” Ke fa ba neela Jakobe medimo e sele yotlhe e e mo diatleng tsa bone le manyena a a mo ditsebeng tsa bone. Jaanong Jakobe a di epela fa tlase ga mooka o o neng o le kwa Šegeme. Ba huduga jalo, mme therego e e tswang mo Modimong ya wela ba metse e e mo tikologong ya bone, mo ba palelwang ke go latelela bomorwa Jakobe. Jakobe a fitlha kwa Luse yo o mo lefatsheng la Kanana, e bong Bethele, ene le batho botlhe ba ba nang nae; a aga aletare, a bitsa felo foo Modimo wa Bethele; gonne Modimo o ne wa mo itshenolela teng, fa a tshaba mogolowe. Foo ga swa Debora mmelegi wa ga Rebeka, a fitlhwa ka fa ntle ga Bethele ntlheng ya tlase, fa tlase ga mooka; wa ba wa bidiwa setlhare sa selelo. E rile Jakobe a tswa go boa kwa Phatane-Arame, Modimo wa iponatsa gape mo go ene, wa mo tshegofatsa. Modimo wa mo raya wa re: “Leina la gago ke Jakobe, mme ga o ne o tlhola o bidiwa Jakobe, mme leina la gago e tla nna Iseraele.” Wa mo taya leina la Iseraele jalo. Modimo wa ba wa mo raya wa re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe. “Ata o ntsifale! Go tla tswa setšhaba le bontsi jwa ditšhaba mo go wena. Le dikgosi di tla tswa mo go wena. Le lefatshe le ke le neileng Aborahame le Isaka ke tla le go naya. Lefatshe leo ke tla le naya losika lwa gago sehularong sa gago.” Ya baa gona Modimo o tlhatlogang wa mo tlogela felong fa o neng o bua nae teng. Ke fa Jakobe a tlhoma lentswe la segopotso mo felong fa o neng o bua nae teng, e le letlapa la segopotso; a tshela tshupelo ya noo mo go lone, a ba a tshela lookwane mo go lone. Felo fa Modimo o neng o bua nae teng Jakobe a go bitsa Bethele. Morago ga moo a huduga kwa Bethele, mme ya re ba sena go atamela Eferatha, Ragele a belega, a bona pelego e e bokete. Ya re a tlalelwa ke pelego ya gagwe, mmelegisi a mo raya a re: “Se boife, gonne o na le ngwana wa mosimane gape.” Jaanong ya re mowa wa gagwe o tswa, ka a ne a swa, a mo taya leina la Benoni, mme rraagwe a mmitsa Benyamene. Ragele a swa jalo, a fitlhwa fa thoko ga tsela e e yang kwa Eferatha mo e leng Betleheme. Mme Jakobe a tlhoma lentswe la segopotso mo phupung ya gagwe. Ke lone lentswe la segopotso la phupu ya ga Ragele le le sa leng gona le kajeno. Iseraele a ba a hudugela pele, a tlhoma tente ya gagwe kwa pele ga Migetale-Etere. E rile Iseraele a ntse a agile mo lefatsheng leo, Rubene a ya a robala le Bileha mogadingwana wa ga rraagwe. Iseraele a utlwa jalo, a galefa. Bomorwa Jakobe ba bo ba le some le metso e mebedi. Bomorwa Lea e ne e le Rubene, morwa Jakobe wa ntlha, le Simeone le Lefi le Juta le Isašare le Sebulone. Bomorwa Ragele e ne e le Josefa le Benyamene. Bomorwa Bileha, lelata la ga Ragele, e ne e le Dane le Nafetale. Bomorwa Silepa, lelata la ga Lea, e ne e le Gate le Asere. Ke bone bomorwa Jakobe ba o ba tsetseng, a le kwa Phatane-Arame. Jakobe a ba a fitlha kwa go Isaka rraagwe kwa Mamere motseng wa ga Areba o e leng Heberone, kwa Aborahame le Isaka ba kileng ba falalela teng. Sebaka sa bophelo jwa ga Isaka ke dinyaga di le 180. Ya baa gona Isaka a tlhokafalang, a swa a bilediwa kwa go borraagwe, a tsofetse, a jele lefatshe; mme bomorwawe Esau le Jakobe ba mo fitlha. Losika lwa ga Esau, e bong Etomo ke lo: Esau o ne a tsere basadi ba gagwe mo go bomorwadia Bakanana, e bong Ata, morwadia Elone wa Mohethe le Oholibama, morwadia Ana, yo e leng morwa Sibeone wa Mohewi le Basemathe, morwadia Isemaele kgaitsadia Nebayothe. Ata a tsalela Esau Elifase, mme Basemathe a belega Rehuele. Oholibama a belega Jeuse le Jaelame le Kora. Bona bao ke bomorwa Esau ba o ba tsaletsweng a sa le mo lefatsheng la Kanana. Mme Esau a tsaya basadi ba gagwe le bomorwawe le bomorwadie le batho botlhe ba lelapa la gagwe le letsomane la gagwe le diruiwa tsotlhe tsa gagwe le dithoto tsotlhe tsa gagwe tse o di bapetseng mo lefatsheng la Kanana, a hudugela kwa lefatsheng le sele, a kgaogana le Jakobe monnawe. Gonne diruiwa tsa bone di ne di atile thata, mo ba neng ba palelwa ke go nna mmogo. Lefatshe la majako a bone le ne le sa ba lekane ka ntlha ya bontsi jwa diruiwa tsa bone. Ka moo Esau a ya go nna kwa dithabeng tsa Seire. Esau ke ene Etomo. Losika lwa ga Esau, rraabo Baetomo ba ba kwa dithabeng tsa Seire, ke lo: Maina a bomorwa Esau ke a: Elifase, morwa Ata, mosadi wa ga Esau, le Rehuele, morwa Basemathe, mosadi wa ga Esau. Bomorwa Elifase e ne e le Themane le Omare le Sefo le Gaethame le Kenase. Thimena e ne e le mogadingwana wa ga Elifase, morwa Esau, ene a tsalela Elifase Amaleke. Ke bone bomorwa Ata, mosadi wa ga Esau. Bomorwa Rehuele e ne e le Nahathe le Sera le Sama le Misa. Bao e ne e le bomorwa Basemathe, mosadi wa ga Esau. Mosadi wa ga Esau, e bong Oholibama, morwadia Ana yo e leng morwa Sibeone, a tsalela Esau bomorwawe, e bong Jeuse le Jaelame le Kora. Dikgosana mo go bomorwa Esau ke tse: Tse e leng bomorwa Elifase, morwa Esau wa ntlha, ke kgosana Themane le kgosana Omare le kgosana Sefo le kgosana Kenase le kgosana Kora le kgosana Gaethame le kgosana Amaleke. Ke tsona dikgosana tsa losika lwa ga Elifase mo lefatsheng la Etomo. Ke bone bomorwa Ata. Bomorwa Rehuele, morwa Esau ke ba, e bong kgosana Nahathe le kgosana Sera le kgosana Sama le kgosana Misa. Ke tsona dikgosana tsa losika lwa ga Rehuele mo lefatsheng la Etomo. Ke bone bomorwa Basemathe, mosadi wa ga Esau. Bomorwa Oholibama, mosadi wa ga Esau, ke ba, e bong kgosana Jeuse le kgosana Jaelame le kgosana Kora. Ke tsona dikgosana tsa ga Oholibama, morwadia Ana, mosadi wa ga Esau. Ke bone bomorwa Esau. Ke tsona dikgosana tsa bone. Ke ene Etomo. Bomorwa Seire wa Mohori ba ba neng ba agile mo lefatsheng leo pele ke ba, e bong Lotane le Sobale le Sibeone le Ana le Disone le Esere le Disane. Ke tsona dikgosana tsa Bahori, ke bomorwa Seire mo lefatsheng la Etomo. Bomorwa Lotane e ne e le Hori le Hemame; kgaitsadia Lotane e le Thimena. Bomorwa Sobale ke Alwane le Manahathe le Ebale le Sefo le Oname. Bomorwa Sibeone ke Aya le Ana. Ke ene Ana yo o kileng a bona metswedi e e bolelo mo sekakeng, fa a disa diesele tsa ga Sibeone rraagwe. Morwa Ana ke Disone, morwadia Ana ke Oholibama. Bomorwa Disone ke Hemetane le Esebane le Itherane le Kerane. Bomorwa Esere ke Bilehane le Saawane le Akane. Bomorwa Disane ke Use le Arane. Dikgosana tsa Bahori ke kgosana Lotane le kgosana Sobale le kgosana Sibeone le kgosana Ana le kgosana Disone le kgosana Esere le kgosana Disane. Ke tsona dikgosana tsa Bahori ka fa ditsong tsa bone mo lefatsheng la Seire. Dikgosi tse di busitseng mo lefatsheng la Etomo pele go ise go buse kgosi mo Baiseraeleng ke tse: Bela, morwa Beore o ne a busa mo Etomo; leina la mošate wa gagwe e le Dinehaba. Ya re Bela a sena go swa, ga busa Jobabe, morwa Sera, wa kwa Bosera, mo boemong jwa gagwe. Ya re Jobabe a sena go swa, ga busa Husame wa kwa lefatsheng la Bathemane mo boemong jwa gagwe. Ya re Husame a sena go swa, ga busa Hatate, morwa Betate, mo boemong jwa gagwe. Ke ene yo o fentseng Bamidiane mo nageng ya Moabe. Leina la mošate wa gagwe e ne e le Awithe. Ya re Hatate a sena go swa, ga busa Samela wa kwa Masereka mo boemong jwa gagwe. Ya re Samela a sena go swa, ga busa Saule wa kwa Rehobothe fa nokeng mo boemong jwa gagwe. Ya re Saule a sena go swa, ga busa Baale-Hanane, morwa Akebore mo boemong jwa gagwe. Ya re Baale-Hanane, morwa Akebore a sena go swa, ga busa Hatare mo boemong jwa gagwe; leina la mošate wa gagwe e le Phahu, leina la mosadi wa gagwe e le Mehetabele, morwadia Materedi, morwadia Mesahabe. Maina a dikgosana tsa losika lwa ga Esau ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa mafelong a bone le ka fa maineng a bone ke a: Kgosana Thimena le kgosana Alwa le kgosana Jethethe le kgosana Oholibama le kgosana Ela le kgosana Phinone le kgosana Kenase le kgosana Themane le kgosana Mibesare le kgosana Magadiele le kgosana Irame. Ke tsona dikgosana tsa Etomo ka fa mannong a tsona mo lefatsheng le di neng di le ruile. Ke ene Esau, rra Baetomo. Jakobe o ne a nna mo lefatsheng le rraagwe a neng a le moeng mo go lone, mo lefatsheng la Kanana. Tse di diragaletseng Jakobe ke tse: E rile Josefa a le dinyaga di le 17, a disa letsomane le bomogolowe – ene a sa le mmotlana – a na le bomorwa Bileha le Silepa, basadi ba ga rraagwe. E ne e a tle e re fa a utlwa tse di bosula ka ga bone, Josefa a di sebele rraabo. Mme Iseraele a rata Josefa bogolo go bomorwawe botlhe, ka e le ngwana wa botsofe jwa gagwe; a mo direla seaparo se seleele se se nang le mabogo. Jaanong ya re bomogolowe ba bona, fa rraabo a mo rata bogolo go bone botlhe, ba mo tlhoa, ba se ka ke ba bua nae ka kagiso. Josefa o kile a lora toro, a e bolelela bomogolowe; ke fa ba mo tlhoa bogolo go pele. O ne a ba raya a re: “A ko lo utlwe ka ga toro e ke e lorileng. Ke lorile re bofa dingata kwa tshimong, ka bona ngata ya me e tsoga e ema, ka bona dingata tsa lona di dikanyetsa ngata ya me, di e ikobela.” Ke fa bomogolowe ba mo raya ba re: “A o a re, o tla nna kgosi ya rona? A tota o rata go re busa?” Mme letlhoo la bone la oketsega ka ntlha ya ditoro tsa gagwe le mafoko a gagwe. A boela a lora toro gape, a e bolelela bomogolowe a re: “Ke lorile toro gape, ka bona letsatsi le ngwedi le dinaledi di le 11 di nkobamela.” Ya re a bolelela rraagwe le bomogolowe jalo, rraagwe a mo kgalemela, a mo raya a re: “Toro e ke ya eng e o e lorileng? A o a re, nna le mmaago le bomogoloo re tle tota, re inamele fatshe fa pele ga gago?” Bomogolowe ba mo fufegela, mme rraagwe a boloka dilo tseo mo pelong. E kile ya re bomogolowe ba ile go fudisa letsomane la ga rraabo kwa Šegeme, Iseraele a raya Josefa a re: “A ga ke re, bomogoloo ba fudisa kwa Šegeme? Tlaya, ke go rome kwa go bone.” A mo araba a re: “Ke fano.” Jakobe a mo raya a re: “A ko o ye o bone gore bomogoloo ba phela jang, le diruiwa di phela jang; o tle o boe o mpolelele.” A mo roma jalo. Mme Josefa a tloga fa mokgatsheng wa Heberone, a ya a fitlha kwa Šegeme. Jaanong monna mongwe a mmona a ntse a kgarakgatshega mo nageng; monna yoo a mmotsa a re: “O batlang?” A araba a re: “Ke batla bonkgonne. A ko o mpolelele gore ba fudisa kae?” Monna yoo a re: “Ba tlogile fa. Ke ba utlwile ba re: ‘A re yeng kwa Dothane!’ ” Josefa a latela bomogolowe, a ba fitlhela kwa Dothane. Jaanong ya re ba mmona a sa le kgakala, a ise a ba atamele, ba mo logela maano a go mmolaya; ba raana ba re: “Bonang, rra-ditoro ke yole, o e tla. Re tle re mmolaeng, re mo latlhele mo sedibeng sengwe. Re tla re, o jelwe ke sebata. Re tla bona gore ditoro tsa gagwe di tla dirafala jang!” Ya re Rubene a utlwa jalo, a mo golola mo diatleng tsa bone a re: “A re se mmolaeng!” Rubene a ba a ba raya a re: “Se tsholeleng madi! Mo latlheleng mo sedibeng se se mo sekakeng, mme lo se ka lwa mmolaya.” A re jalo gore a mo golole mo diatleng tsa bone, a mmusetse kwa go rraagwe. Jaanong ya re Josefa a sena go fitlha kwa go bomogolowe, ba mo apola seaparo, e bong sele se seleele se se nang le mabogo se a se apereng. Ba mo tsaya, ba mo latlhela mo sedibeng. Mme sediba seo sa bo se kgadile, go se na metsi mo go sona. Jaanong ba nna fa fatshe, ba ja. Ya re ba tlhatlosa matlho, ba bona go tla lesomo la Baisemaele, ba tswa kwa Gileate. Dikammele tsa bone tsa bo di rwele boroku le ditlhare le ditlolo tse di nkgang monate, ba di isa kwa Egepeto. Ke fa Juta a raya bomorwa-rraagwe a re: “Go tla re thusa eng, fa re bolaya monnaa-rona, re loba madi a gagwe? A re mo rekiseng mo Baisemaeleng, mme a diatla tsa rona di se ka tsa mmolaya, gonne ke monnaa-rona le nama ya rona.” Bomorwa-rraagwe ba dumalelana nae. Jaanong ya re go feta barekisi ba Bamidiane, bomogoloa Josefa ba mo goga, ba mo ntsha mo sedibeng, ba rekisa Josefa mo go Baisemaele ka diselefera di le 20; mme bone ba ya le ene kwa Egepeto. Ya re Rubene a boela kwa sedibeng, a fitlhela Josefa a se yo mo go sona. Ke fa a ikgagola diaparo, a boela kwa go bomonnawe a re: “Mosimane ga a yo. Mme nna ke tla ya kae?” Mme ba tsaya seaparo sa ga Josefa, ba tlhaba phoko, ba ina seaparo mo mading, ba se romela kwa go rraabo, ba se fitlhisa mo go ene ba re: “Ke se re se thwetseng. A ko o se sekaseke, o bone gore a ke seaparo sa ga morwao gongwe nnyaya.” Ya re a se bona, a re: “Ke seaparo sa ga morwaake. Sebata se mo jele! Ee, ruri Josefa o gagogantswe!” Ke fa Jakobe a ikgagola diaparo, a apara lesela la bohutsana lethekeng, a hutsafalela morwawe malatsi a mantsi. Bomorwawe botlhe le bomorwadie botlhe ba nanoga, ba re ba mo gomotsa, mme a gana go gomotsega a re: “Nnyaya! Ke tla fologela kwa go morwaake kwa felong ga baswi ke ntse ke hutsafetse.” A mo lelela jalo. Jaanong Bamidiane ba rekisa Josefa kwa Egepeto mo go Photifare, modiredi wa ga Farao, tlhogo ya bafemedi ba kgosi. E rile ka sebaka seo Juta a huduga, a tlogela bomorwa-rraagwe, a nna fa monneng mongwe wa Adulame yo leina le gagwe e leng Hira. Juta a bona teng morwadia monna wa Mokanana yo leina la gagwe e leng Sua. A mo nyala, a nna nae. Ke fa a ithwala a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Ere. A ba a nna moimana gape, a belega mosimane, a mmitsa Onane. A boela a tshola ngwana wa mosimane gape, a mo taya leina la Sela, mme ya re a mmelega, Juta a bo a le kwa Kesibe. Juta a batlela Ere, morwawe wa ntlha, mosadi yo leina la gagwe e leng Thamare. Mme Ere, morwa Juta yo mogolo, o ne a le bosula mo matlhong a Morena. Ka moo Morena a mo tlogela, a swa. Ke fa Juta a raya Onane a re: “Tsena kwa mosading wa ga mogoloo, o mo nyale ka fa tshwanelong ya monnaa-motho, o tsalele mogoloo.” Onane o ne a itse gore bana ga e ne e nna ba gagwe; ka moo e ne e a tle e re fa a kopana le mosadi wa ga mogolowe, a tshololele fa fatshe gore a se ka a tsalela mogolowe. Mme tse o neng a di dira tsa se ka tsa kgatlha Morena, le ene a mo tlogela, a swa. Ke fa Juta a raya Thamare, ngwetsi wa gagwe, a re: “Boela kwa ga eno, o nne motlholagadi go fitlhelela Sela morwaake a gole.” O ne a akanya gore e se re gongwe le ene a swa jaaka bomogolowe. Thamare a ya go nna kwa ga gabo. Jaanong ya re malatsi a mantsi a sena go feta, Juta a swelwa ke mosadi, e bong morwadia Sua. Ya re Juta a sena go fetsa boswagadi, a ya go tlhola babeodi ba dinku tsa gagwe kwa Thimena, ene le tsala ya gagwe Hira wa Adulame. Mme Thamare a bolelelwa ga twe: “Bona, ratswalaago o ya kwa Thimena go beola dinku tsa gagwe.” Ke fa Thamare a apola diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi, a ipipa ka lesire, a ikhurumetsa jalo, a ya a nna fa kgorong ya Enaime yo o fa tseleng e e yang kwa Thimena. A dira jalo, gonne a bona Sela a godile, mme Thamare a sa mo neelwe go nna mosadi wa gagwe. Ya re Juta a mmona, a re ke seaka, ka a ne a ipipile sefatlhego. A fapogela kwa go ene fa tseleng a re: “A re ye, ke tle kwa go wena.” A re jalo a sa itse, fa e le ngwetsi wa gagwe. Mme ene a re: “O tla mpha eng, fa ke go dumelelela?” Juta a re: “Ke tla go romela phokwana e e tswang letsomaneng.” Thamare a re: “Ee, fa o ka nneela peeletso go fitlhelela o e romela.” Juta a re: “O batla peeletso ya eng, e nka e go neelang?” A re: “Ke batla palamonwana ya gago mmogo le mogala wa yona le thobane ya gago e e mo seatleng sa gago.” A di mo neela, a ba a kopana nae, mme Thamare a ithwala ka ene. Thamare a tsoga a tsamaya, a feta a apola lesire la gagwe, a apara diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi. Juta a mo romela phokwana ka tsala ya gagwe ya kwa Adulame gore e amogele dipeeletso mo seatleng sa mosadi yole, mme ya se ka ya mo fitlhela. Ke fa e botsa batho ba motse oo ya re: “Seaka sele se kae se se neng se le mo Enaime fa tseleng?” Ba araba ba re: “Ga go na seaka mono.” Ya boela kwa go Juta ya re: “Ga ke a se bona; le gona batho ba felo foo ba re: Ga go na seaka teng.” Juta a re: “A a nne ka tsona, e se re gongwe ra sotlega. Kana ke mo rometse phokwana e, mme ga o a ka wa mo fitlhela.” Jaanong ya re go sena go feta dikgwedi di ka ne di le tharo, Juta a bolelelwa ga twe: “Thamare, ngwetsi wa gago, o dirile boaka, e bile o moimana ka boaka.” Ke fa Juta a re: “Mo ntshetseng kwa ntle, a ye go fisiwa.” Ya re a sena go ntshediwa kwa ntle, a roma kwa go ratswalaagwe a re: “Ke moimana ka monna wa dilo tse.” A ba a re: “A ko o sekaseke gore palamonwana e le mogala o le thobane e ke tsa ga mang?” Ya re Juta a di bona, a re: “O siame bogolo go nna. Ke ka gore ga ke a mo neela Sela morwaake.” Mme a se ka a tlhola a kopana nae. Jaanong ya re ka sebaka sa go belega ga gagwe, ga lemogwa, fa a ithwele mafatlha. Ya re a belega, mongwe a ntsha letsogo, mme mmelegisi a le tshwara, a bofelela tlhale e khibidu mo letsogong la gagwe a re: “Ke ene yo o duleng pele.” Mme ya re a sena go busa letsogo, ga tsalwa yo mongwe pele, ke fa mmelegisi a re: “O sutlhile jang, wa itirela phatlha?” Ka moo a mmitsa Pherese. Morago ga moo ga tswa monnawe yo o nang le tlhale e khibidu mo letsogong. Ene a bidiwa Sera. E rile Josefa a sena go isiwa kwa Egepeto, Photifare, modiredi wa ga Farao, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, monna wa Moegepeto a mo reka mo Baisemaeleng ba ba mo isitseng teng. Mme Morena o ne a na le Josefa, a nna monna yo o tlhogonolo, a nna mo ntlong ya morena wa gagwe wa Moegepeto. Jaanong ya re morena wa gagwe a bona, fa Morena a na nae, le gona tsotlhe tse a di dirang Morena a di tsweletsa pele sentle, Josefa a bona bopelotlhomogi mo go mongwagwe, a mo direla; mme Photifare a mo dira mookamedi wa lelapa la gagwe, a neela tsotlhe tse a nang natso mo taolong ya gagwe. Go tloga sebakeng seo a mo dirileng mookamedi wa lelapa la gagwe le wa tsotlhe tse a nang natso ka sona, Morena a tshegofatsa lelapa la Moegepeto ka ntlha ya ga Josefa. Tshegofatso ya Morena e ne e le mo go tsotlhe tse a nang natso mo ntlong le kwa masimo. A tlogela tsotlhe tse a di tshotseng mo taolong ya ga Josefa, a sa tshwenyege ka sepe, fa a ntse a na nae, a lebile dijo tse a di jang fela. Josefa o ne a le montle ka seemo le ka sefatlhego. Jaanong ya re morago ga dilo tseo, mosadi wa morena wa gagwe a eletsa Josefa ka matlho, a mo raya a re: “Robala le nna!” Mme a gana, a raya mosadi wa morena wa gagwe a re: “Bona, mongwake ga a tshwenyege ka sepe sa tse di mo ntlong, o ikantse nna; tsotlhe tse o nang natso o di neetse mo tisong ya me. Ga a ikae mogolo mo ntlong e bogolo go nna. Le gone ga a nkiletse sepe fa e se wena fela ka go re o mosadi wa gagwe. Kana nka dira jang bosula jo bogolo joo, ka leofela Modimo?” Le fa a ntse a raela Josefa jalo ka malatsi otlhe, ene a gana go robala nae le go nna nae. Jaanong ya re letsatsi le lengwe a tsena mo ntlong go dira tiro ya gagwe, go se na ope wa batho ba lelapa leo mo ntlong, mosadi a mo tshwara ka seaparo sa gagwe a re: “Robala le nna!” Mme Josefa a tlogela seaparo mo seatleng sa gagwe, a tshabela kwa ntle. Mme ya re mosadi a bona, fa Josefa a tlogetse seaparo mo seatleng sa gagwe, a tshabetse kwa ntle, a tlhabela batho ba lapa la gagwe mokgosi, a ba raya a re: “Bonang, Photifare o re tliseditse monna wa Mohebere gore a re sotle. O tlile kwa go nna a re, o robala le nna. Mme ka goa ka lentswe le legolo. Mme ya re a utlwa ke tlhatlosa lentswe, ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna, a tshabela kwa ntle.” Jaanong a baya seaparo sa gagwe fa thoko ga gagwe go fitlhelela mongwagwe a goroge, a mmolelela mafoko ona ao a re: “Motlhanka yo wa Mohebere yo o mo tlisitseng fa go rona, o tlile kwa go nna go ntshotla. Mme ya re ke tlhatlosa lentswe ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna, a tshabela kwa ntle.” Jaanong ya re morena wa gagwe a utlwa mafoko a mosadi wa gagwe yo o neng a mo reile a re: “Motlhanka wa gago o ntiretse jaana le jaana,” a tuka bogale. Mme morena wa ga Josefa a mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo felong fa bagolegwi ba kgosi ba golegelwang teng. Josefa a nna gona mo ntlong ya kgolegelo. Mme Morena o ne a na le Josefa, a mo direla ka bopelotlhomogi, a dira gore a kgatlhe mookamedi wa ntlo ya kgolegelo. Mme mookamedi wa ntlo ya kgolegelo a neela bagolegwi botlhe ba ba mo ntlong ya kgolegelo mo tisong ya ga Josefa. Tsotlhe tse di dirwang teng tsa dirwa ke ene. Mookamedi wa ntlo ya kgolegelo o ne a sa tlhole a tlhokomela sepe se se mo tisong ya ga Josefa, ka Morena a na nae. Tse a neng a di dira Morena a di tsweletsa pele sentle. Ya re morago ga dilo tseo mothokedi wa kgosi ya Egepeto le moapei ba leofela morena wa bone, kgosi ya Egepeto. Mme Farao a gakalela badiredi ba babedi bao ba gagwe, e bong mookamedi wa bathokedi le mookamedi wa baapei, a ba tsenya mo tisong kwa ntlong ya kgosana ya bafemedi ba kgosi, e bong mo ntlong ya kgolegelo mo felong fa Josefa a golegetsweng teng. Mme kgosana ya bafemedi ba kgosi ya ba neela Josefa gore a ba direle. Ba nna sebaka jalo ba disitswe. Jaanong bosigong jo bongwe mothokedi le moapei ba kgosi ya Egepeto, ba le mo ntlong ya kgolegelo, ba lora ditoro ka bobedi jwa bone, mongwe le mongwe a lora toro ya gagwe. Toro ya mongwe le mongwe e ne e na le thuto ya yona. Ya re Josefa a tla kwa go bone mo mosong, a ba leba, a bona ba sa itumele. Ke fa a botsa badiredi ba ga Farao ba ba nang nae mo tisong kwa ntlong ya morena wa gagwe a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo tlhontse difatlhego kajeno?” Ba mo araba ba re: “Re lorile ditoro, mme ga go na ope fano yo o ka di re tlhalosetsang.” Josefa a ba raya a re: “Ditlhaloso a ga se tsa Modimo? Fela a lo ko lo di mpolelele.” Ke fa mookamedi wa bathokedi a bolelela Josefa toro ya gagwe, a mo raya a re: “Mo torong ya me ke bonye setlhare sa moweine se le fa pele ga me; setlhare seo sa moweine se na le dikala di le tharo. Ya re e le gona se tlhogang, sa tswa dithunya, le maungo a sona a butswa. Ka bo ke tshotse senwelo sa ga Farao ka seatla, ka tsaya maungo, ka a gamolela mo senwelong sa ga Farao, ka neela senwelo mo seatleng sa gagwe.” Josefa a mo araba a re: “Tlhaloso ya yona ke e: Dikala di le tharo ke malatsi a le mararo. E tla re malatsi a le mararo a sena go feta, Farao a tsholetse tlhogo ya gago, a go busetse mo tirong ya gago, mme senwelo sa ga Farao o se mo neele mo seatleng sa gagwe jaaka gale, fa o ne o ntse o le mothokedi wa gagwe. Fela a ko o nkgopole, fa o phela monate, o ntirele ka lorato, o nkumake kwa go Farao, o nthuse gore ke tswe mo ntlong e. Gonne ke utswilwe tota kwa lefatsheng la Bahebere, mme le mono ga ke a senya sepe se ba ntsentseng mo kgolegong e ka ntlha ya sona.” Jaanong ya re mookamedi wa baapei a bona, fa tlhaloso e le molemo, a raya Josefa a re: “Le nna mo torong ya me ke fitlhetse ke rwele diroto di le tharo tse di tletseng dinkgwe tse ditshweu mo tlhogong. Mo serotong se sa kwa godimo go le dijo tsa mefutafuta tsa ga Farao tse di apeilweng ke baapei. Mme dinonyane tsa di ja, tsa di ntsha mo serotong se ke se rweleng ka tlhogo.” Josefa a mo raya a re: “Tlhaloso ya yona ke e: Diroto di le tharo ke malatsi a le mararo. E tla re malatsi a le mararo a sena go feta, Farao a tsholetse tlhogo ya gago, a e tlose mo go wena, a go pege mo koteng, mme dinonyane di tla ja nama ya gago, di e tlotlonya mo go wena.” Jaanong ya re ka letsatsi la boraro e le letsatsi la botsalo jwa ga Farao, a direla batlhanka botlhe ba gagwe moletlo; ke fa a tsholetsa tlhogo ya mookamedi wa bathokedi le ya mookamedi wa baapei mo gare ga batlhanka ba gagwe. A busetsa mookamedi wa bathokedi mo tirong ya gagwe ya bothokedi, mme a neela Farao senwelo gape mo seatleng sa gagwe. Mme mookamedi wa baapei a mo pega mo koteng, jaaka Josefa a ne a ba tlhalosetsa. Mme mookamedi wa bathokedi a se ka a gopola Josefa, a mo lebala fela. E rile sebaka sa dinyaga di le pedi se sena go feta, Farao a lora, a eme fa nokeng ya Nile, a bona dikgomo tse supa tse di mebele mentle tse di nonneng di tlhatloga di tswa mo nokeng ya Nile, tsa ba tsa fula mo motlhakeng. Gape a bona dikgomo tse dingwe tse supa di tlhatloga di tswa mo nokeng ya Nile, di latela tsele, tsa mebele e e maswe, di bopame; tsa tla tsa ema fa thoko ga dikgomo tse di fa losing lwa Nile. Jaanong dikgomo tsa mebele e e maswe, tse di bopameng, tsa ja dikgomo tse supa tse dintle tse di akotseng. Ke fa Farao a thanya. A boela a thulamela gape, a lora la bobedi, a bona diako tse supa di tlhoga mo letlhakeng le le lengwe di tsentse di le dintle. A ba a bona diako tse supa di tlhoga morago ga tsele, e le tse ditshesane tse di fisitsweng ke phefo ya botlhabatsatsi. Mme diako tse ditshesane tseo tsa metsa diako tsele tse di tsentseng tse di tletseng. Ke fa Farao a thanya, a fitlhela e le toro. Ya re mo mosong mowa wa gagwe wa bo o huduegile, mme a roma go bitsa baitseanape botlhe ba Egepeto le batlhalefi botlhe ba teng, a ba bolelela toro ya gagwe, mme ga bo go se ope yo o ka e tlhalosetsang Farao. Ke fa mookamedi wa bathokedi a bua le Farao a re: “Ke gakologelwa maleo a me kajeno. Farao o ne a gakaletse batlhanka ba gagwe, a ntsenya mo tisong kwa ntlong ya kgosana ya bafemedi ba kgosi, nna le mookamedi wa baapei. Teng ra lora ditoro mo bosigong bo le bongwe, nna le ene; mongwe le mongwe a lora toro ya gagwe e e nang le thuto ya yona. Mme ga bo go le lekau la Mohebere fa go rona, e le motlhanka wa kgosana ya bafemedi ba kgosi. Ya re re sena go mmolelela, a re tlhalosetsa ditoro tsa rona, mongwe le mongwe toro ya gagwe. Mme go dirafetse jaaka a re tlhaloseditse: Nna Farao o mpuseditse mo tirong ya me, mme ene a mo pega.” Ke fa Farao a roma go ya go bitsa Josefa. Ba akofa ba mo ntsha mo kgolegong. A beolwa, a apara diaparo di sele, a tla kwa go Farao. Mme Farao a raya Josefa a re: “Ke lorile toro, mme ga go na ope yo o ka e tlhalosang. Jaanong ke utlwile ka ga gago go twe, e a re fa o utlwa toro, o e tlhalose.” Josefa a fetola Farao a re: “Nnyaya, ga se nna! Modimo o tla senolela Farao tse di molemo.” Farao a bolelela Josefa a re: “Reetsa, mo torong ya me ke ne ke eme fa losing lwa noka ya Nile. Ka bona dikgomo tse supa di tlhatloga di tswa mo nokeng ya Nile, di nonne, tsa mebele e mentle; tsa ba tsa fula mo motlhakeng. Ka bona gape dikgomo tse supa tse dingwe di tlhatloga di latela tsele, di bopame, tsa mebele e e maswe thata, di otile. Ga ke ise nke ke bone sepe mo lefatsheng lotlhe la Egepeto se se tshwanang natso ka maswe. Mme dikgomo tse di bopameng tse di maswe tseo tsa ja dikgomo tse supa tsa pele tse di nonneng. Jaanong ya re di sena go tsena mo maleng a tsona, ga bo go sa bonale gore a di tsenye mo maleng a tsona, di ntse di le mekodue fela jaaka mo tshimologong. Ke fa ke thanya. Gape ka bona diako tse supa di tlhoga mo letlhakeng le le lengwe di tsentse di le dintle. Morago ga tsona ka bona go tlhoga diako tse supa tse e leng metlhose fela, tse di se nang sepe, tse di fisitsweng ke phefo ya botlhabatsatsi. Jaanong diako tse di se nang sepe tsa metsa diako tse supa tse dintle. Ka bolelela baitseanape jalo, mme ga bo go se ope yo o ka ntlhalosetsang toro eo.” Ke fa Josefa a raya Farao a re: “Toro ya ga Farao ke e le nngwe fela. Modimo o itsisitse Farao tse o tla di dirang. Dikgomo tse supa tse dintle ke dinyaga tse supa le diako tse dintle tse supa ke dinyaga tse supa. Ke toro e le nngwe. Le dikgomo tse supa tse di bopameng tse di maswe tse di tlhatlogileng, tsa latela tsele, ke dinyaga tse supa. Le diako tse supa tse di se nang sepe tse di fisitsweng ke phefo ya botlhabatsatsi, e tla nna dinyaga tse supa tsa leuba. Ke sona se ke se boleletseng Farao ka re: ‘Modimo o bontshitse Farao se o tla se dirang.’ Itse gore go tla tla dinyaga tse supa tsa letlotlo le legolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Mme di tla latelwa ke dinyaga tse supa tsa leuba. Foo go tla lebalwa letlotlo lotlhe lele mo lefatsheng la Egepeto. Leuba le tla senya lefatshe. Letlotlo lele ga le nke le tlhola le gopolwa mo lefatsheng ka ntlha ya leuba le le tla le latelang; gonne le tla nna makete thata. Mme fa Farao a ne a boelela, a lora toro gabedi, ke go re: Selo se, se tlhomame; Modimo o tla akofa o se dirafatsa. “Jaanong a Farao a batle monna yo o nang le tlhaloganyo, yo o botlhale, a mo dire mookamedi wa lefatshe la Egepeto. A Farao a dire jaana: A a bee balebalebi, a ba laodise lefatshe gore ba ntshise batho ba lefatshe la Egepeto palo ya botlhano ya thobo mo dinyageng tse supa tsa letlotlo. A ba phuthe dijo tsotlhe tsa dinyaga tse di molemo tseo tse di tlang jaanong, ba kgobokanye mabele, a nne mo taolong ya ga Farao; ba boloke dijo mo metseng gore dijo tseo di bolokelwe lefatshe, di tle di le thuse mo dinyageng tse supa tsa leuba tse di tla nnang teng mo lefatsheng la Egepeto gore lefatshe le se ka la nyelediwa ke tlala.” Polelo e e ne ya kgatlha Farao le batlhanka botlhe ba gagwe. Mme Farao a raya batlhanka ba gagwe a re: “A re ka bona yo mongwe yo o tshwanang le monna yo, yo Mowa wa Modimo o leng mo go ene?” Mme Farao a raya Josefa a re: “E re ka Modimo o setse o go senoletse tsotlhe tseo ga re bone yo mongwe yo o nang le tlhaloganyo le botlhale jaaka wena. Wena o tla okamela lelapa la me; morafe otlhe wa me o tla laolwa ke molomo wa gago. Ke tla go feta fela ka sedulo sa bogosi.” Farao a raya Josefa gape a re: “Bona, ke go dirile mookamedi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.” Ke fa Farao a rola palamonwana e e kanang ya gagwe mo monwaneng wa gagwe, a e rwesa Josefa mo monwaneng, a mo apesa diaparo tsa masela a mantlentle, a mo kgabisa ka mhiri wa gouta mo molaleng wa gagwe. A ba a mo palamisa koloi ya bobedi ya gagwe; ba tlhaba mokgosi fa pele ga gagwe ba re: “Khubamang!” A mo dira jalo mookamedi wa lefatshe lotlhe la Egepeto. Farao a ba a raya Josefa a re: “Ke nna Farao. Mme ga go na ope yo o tla dirang ka letsogo gongwe go tsamaya ka lekoto mo lefatsheng lotlhe la Egepeto kwa ntle ga gago.” Farao a taya Josefa leina la Safenathe-Phanea, a mo neela Asenathe morwadia Photifera, moperesiti wa kwa One, go nna mosadi wa gagwe. Josefa a tloga, a photlaphotla lefatshe lotlhe la Egepeto. E rile motlhang Josefa a emang fa pele ga Farao, kgosi ya Egepeto, a bo a le dinyaga di le 30. Jaanong Josefa a tloga mo go Farao, a photlaphotla lefatshe lotlhe la Egepeto. Mme lefatshe la ungwa mabele a mantsi thata mo dinyageng tse supa tsa letlotlo. Josefa a kgobokanya dijo tsotlhe tse di kgethilweng tsa dinyaga tse supa tsa letlotlo mo lefatsheng la Egepeto, a bolokela dijo mo metseng. Dijo tsa masimo a motse mongwe le mongwe a di phuthela mo go ona. Josefa a kgobokanya mabele a mantsintsi jalo a a kana ka motlhaba wa lewatle, go fitlhelela a lape go a bala, gonne a ne a se na palo. Josefa a tsala bana ba basimane ba le babedi, dingwaga tsa tlala di ise di tle; a ba tsala le Asenathe, morwadia Photifera, moperesiti wa kwa One. Yo o tsetsweng pele Josefa a mmitsa Manase. Gonne a re: “Modimo o ntebaditse mathata otlhe a me le legae la ga etsho.” Wa bobedi a mo taya leina la Eferaime. Gonne a re: “Modimo o nkungwisitse mo lefatsheng la pogisego ya me.” Jaanong dinyaga tse supa tsa letlotlo la lefatshe la Egepeto tsa fela. Ga simologa dinyaga tse supa tsa leuba, tsa tla jaaka Josefa a buile. Ga nna tlala mo mafatsheng aotlhe, mme mo lefatsheng lotlhe la Egepeto dijo di ne di le teng. Jaanong e rile lefatshe lotlhe la Egepeto le bolawa ke tlala, batho ba lelela dijo mo go Farao. Mme Farao a laela Baegepeto botlhe a re: “Yaang kwa go Josefa, lo dire se o tla se lo bolelelang.” Mme leuba leo le ne le le mo lefatsheng lotlhe. Ke fa Josefa a bula difala tsotlhe tsa mabele, a a rekisa mo Baegepetong. Tlala ya nna kgolo mo lefatsheng la Egepeto. Ba mafatshe aotlhe ba ne ba tla kwa Egepeto go reka mabele mo go Josefa. Gonne tlala e ne e le kgolo mo mafatsheng otlhe. E rile Jakobe a utlwela gore mabele a teng kwa Egepeto, a raya bomorwawe a re: “Lo lebanelang?” A ba a re: “Bonang, ke utlwetse mabele kwa Egepeto. Yaang lo ye go re rekela mabele teng gore re se ka ra swa ka tlala.” Ke fa bomogoloa Josefa ba le some ba ya kwa Egepeto go reka mabele teng. Mme Benyamene, monnaa Josefa, Jakobe a se ka a mo roma le bomogolowe; gonne a tshaba gore e ka re gongwe kotsi ya mo wela mo tseleng. Bomorwa Iseraele ba fitlha jalo go reka mabele ba na le ba bangwe ba ba ileng teng; gonne go ne go le leuba mo lefatsheng la Kanana. Mme Josefa e ne e le molaodi mo lefatsheng, e le ene yo o rekisang mabele mo bathong botlhe ba lefatshe. Jaanong ya re bomogolowe ba fitlha, ba inamela fa fatshe fa pele ga gagwe. Mme ya re Josefa a bona bomogolowe, a ba itse, a ba itobela, a bua nabo ka bogale, a ba botsa a re: “Lo tswa kae?” Ba re: “Re tswa kwa lefatsheng la Kanana, re tsile go reka dijo.” Josefa ene a itse bomogolowe, mme bone ba se ka ba mo itse. Ke fa Josefa a gakologelwa ditoro tse a kileng a di lora ka ga bone a ba raya a re: “Lo batlhodi, lo tlile go bona fa lefatshe le sa femelwang teng.” Ba mo fetola ba re: “Nnyaya, morena! Batlhanka ba gago ba tlile go reka dijo. Rona rotlhe re bomorwa monna a le mongwe. Re batho ba nnete. Batlhanka ba gago ga se batlhodi.” Mme a ba fetola a re: “Nnyaya! Lo a aka, lo tlile go bona fa lefatshe le sa femelwang teng.” Bone ba re: “Batlhanka ba gago ke ba le 12, re bomorwa motho, bomorwa motho a le mongwe wa kwa lefatsheng la Kanana. Yo mmotlana o setse le rraetsho, yo mongwe ga a tlhole a le teng.” Josefa a ba raya a re: “Go ntse jaaka ke lo boleletse ka re: ‘Lo batlhodi!’ Se ke tla itseng nnete ya lona ka sona ke se: Ke ikana ka Farao! Ga lo ka ke lwa tloga mono, monnaa-lona a ise a tle kwano pele. Romang mongwe wa lona, a ye go tsaya monnaa-lona, mme lona lo sale lo golegilwe, ke tle ke bone gore a lo ne lo bua nnete. Mme fa go se jalo – ruri ka Farao – lo batlhodi!” Ke fa a ba tsenya mmogo mo kgolegong malatsi a le mararo. Mme ka letsatsi la boraro Josefa a ba raya a re: “Dirang jaana, foo lo tla phela – gonne ke boifa Modimo. Fa lo le batho ba nnete, a mongwe wa lona a sale a golegilwe mo ntlong ya kgolegelo e lo leng mo go yona, mme lona lo tsamae lo isetse tlala ya malapa a lona mabele. Fela lo tlise monnaa-lona kwano go nna. Foo mafoko a lona a tla itshupa, fa e le a nnete gore lo se ka lwa swa.” Mme ba utlwisisa. Ke fa ba rerisanya ba re: “Re iteelwa molato o re leofetseng monnaa-rona ka ona. Gonne re ne ra bona tlalelo ya pelo ya gagwe, fa a re rapela, mme ra se ka ra mo utlwa. Ke ka moo re dirafaletsweng ke tlalelo e.” Rubene a ba fetola a re: “A ga ke a ka ka lo bolelela ka re: ‘Se leofeleng ngwana,’ mme lwa gana go utlwa. Jaanong go batlwa madi a gagwe mo go rona.” Mme ba bo ba sa itse, fa Josefa a ba utlwa; gonne o ne a bua nabo ka mofetolapuo. Ke fa Josefa a ba hularela a ba tlogela, a lela; a ba a boela kwa go bone, a bua nabo, a tshwara Simeone, a mo ntsha mo go bone, a mo golega fa pele ga bone. Jaanong Josefa a laela gore dikgetse tsa bone di tladiwe mabele, mme mongwe le mongwe a tsenyediwe madi a gagwe mo kgetseng ya gagwe, mme ba fiwe mfago. Ba direlwa jalo. Jaanong ba tsaya mabele a bone, ba a belesa mo dieseleng tsa bone, ba tsamaya. Mme ya re yo mongwe wa bone a bofolola kgetse ya gagwe go fa esele ya gagwe dijo ba le fa ba tla lalang teng, a fitlhela madi a gagwe a le mo molomong wa kgetse ya gagwe. A raya bomorwa-rraagwe a re: “Ba mpuseditse madi a me ke a, a mo kgetseng ya me.” Ke fa ba kgobega marapo, ba lebana, ba tshogile ba re: “Ke eng se Modimo o se re diretseng?” Jaanong ya re ba sena go goroga kwa gae kwa Kanana, ba bolelela Jakobe rraabo tsotlhe tse di ba dirafaletseng ba re: “Monna yo e leng molaodi wa lefatshe lele o buile ka bogale le rona, a re golega a re, gongwe re tsile go tlhola lefatshe lele. Ra mo raya ra re: ‘Re batho ba nnete. Ga re batlhodi. Re basimane ba le 12 fa lapeng, bana ba motho. Yo mongwe ga a tlhole a le teng. Yo mmotlana o setse le rraetsho kwa Kanana.’ Ke fa monna yo e leng molaodi wa lefatshe lele a re raya a re: ‘Tlogelang mongwe wa lona fa go nna, lo tsamae, lo isetse tlala ya malapa a lona mabele; ke gona ke tla dumelang gore lo batho ba nnete. Lo bo lo boe lo tlise monnaa-lona kwano go nna. Foo ke tla dumela, fa lo se batlhodi, lo le batho ba nnete; mme ke tla lo busetsa morwa-rraeno gore lo tsamae mo lefatsheng le ka kgololesego.’ ” Jaanong ya re ba ntsha mabele mo dikgetseng, mongwe le mongwe a fitlhela sekgwama sa gagwe se na le madi a gagwe se le mo kgetseng. Ya re ba bona dikgwama tsa bone, ba boifa, bone le rraabo. Ke fa Jakobe rraabo a ba raya a re: “Lo nthukhutha bana. Josefa ga a tlhole a le teng. Simeone ga a tlhole a le teng. Jaanong lo rata go tsaya le Benyamene. Tsotlhe tseo di nkwela godimo.” Rubene a fetola rraagwe a re: “Mo nneele, ke tla boa nae; fa ke sa boe nae, o bolae bomorwaake ba babedi.” Mme a fetola a re: “Ga ke dumele gore morwaake a tsamae le lona. Gonne mogolowe o sule, go setse ene fela. Fa a ka welwa ke kotsi mo tseleng, lo ka folosetsa moriri o mobududu wa me kwa felong ga baswi ka botlhoko.” Mme tlala ya nna kgolo mo lefatsheng. Jaanong e rile ba sena go fetsa mabele a ba ne ba tswa go a reka kwa Egepeto, rraabo a ba raya a re: “Yaang gape, lo ye go re rekela dijonyana.” Mme Juta a mo fetola a re: “Monna yole o ne a re tlhomamisetsa ruri a re: ‘Ga lo kitla lo bona sefatlhego sa me, fa monnaa-lona a sa tle le lona.’ Jaanong fa o ka roma monnaa-rona le rona, re tla ya, re go rekela dijo. Fa o sa mo rome, ga re ka ke ra ya. Gonne monna yole o re reile a re: ‘Ga lo kitla lo bona sefatlhego sa me, fa monnaa-lona a sa tle le lone.’ ” Iseraele a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo ntiretse bosula jalo, lwa bolelela monna yole, fa lo sa ntse lo na le monaa-lona.” Ba araba ba re: “Monna yole o ne a botsolotsa thata ka ga rona le ba ga etsho a re: ‘A rraeno o sa ntse a phela? A lo na le monaa-lona?’ Jaanong ra mmolelela ka fa go ntseng ka teng. A re ne re ka itse tota, fa a tla re: ‘Tlisang monaa-lona’?” Juta a raya Iseraele rraagwe a re: “Lesa lekau le ye le nna. Foo re tla tsamaya gore re phele, re se ka ra swa, rona le wena le bana ba rona. Ke tla rwala molato oo. O tla mmatla mo go nna. Fa nka boa ke se na nae, ke sa mmee fa pele ga gago, ke tla bo ke le molato mo go wena ka malatsi otlhe. Ruri fa re ka bo re sa diega, re ka bo re setse re tswa teng gabedi.” Ke fa Iseraele rraabo a re: “Fa go ntse jalo he, dirang jaana: Tsayang maungo a a tlhophilweng a lefatshe le ka dikgetse tsa lona, lo ele monna yole dineo, e bong melemonyana le mafuranyana a dinotshe le boroku jo bo tlodiwang baswi le ditlolo tse di nkgang monate le dikgeru tsa mefuta. Tsamayang lo tshotse madi a le mabedi; le ona a a neng a busediwa mo dikgetseng tsa lona lo a busetse teng. Ka gongwe go dirafetse phoso. Tsamayang le monaa-lona, lo yeng gape kwa monneng yole. Mme a Modimo Mothatayotlhe o lo nee boutlwelo-botlhoko jwa monna yole gore a lo gololele morwa-rraeno yo mongwe, e bong Simeone, a boe le lona le Benyamene. Mme nna fa ke thukhuthilwe bana, ke thukhuthilwe.” Jaanong ba tsaya dineo tseo, le gona ba tsaya madi a le mabedi le Benyamene; ba ya kwa Egepeto, ba feta ba ema fa pele ga Josefa. Ya re Josefa a bona Benyamene a na nabo, a laela mookamedi wa lelapa la gagwe a re: “Isa banna bale mo ntlong, o tlhabe o etleetse dijo, gonne ba tla ja le nna motshegare.” Monna yoo a dira ka fa a laetsweng ka teng, a isa banna bao mo ntlong ya ga Josefa. Ya re ba isiwa mo ntlong ya ga Josefa, ba boifa ba re: “Re isiwa teng ka ntlha ya madi a maloba a a buseditsweng mo dikgetseng tsa rona gore ba re logele maano, ba re wele godimo, ba re thope le diesele tsa rona go nna batlhanka ba bone.” Ka moo ba atamela mookamedi wa lelapa la ga Josefa, ba bua nae fa mojakong wa ntlo ba re: “Morena! Re kile ra tla ga ntlha kwano go reka dijo. Jaanong e rile re fitlha felong fa go lalwang teng, re bofolela dikgetse tsa rona, ra fitlhela madi a mongwe le mongwe a le mo molomong wa kgetse ya gagwe, e le madi a rona, a na le bokete jwa ona. Jaanong re tsile gape, mme re tsile nao. Le gona re tlile le madi a mangwe gape go reka dijo. Ga re itse gore ke mang yo o neng a tsenya madi a rona mo dikgetseng tsa rona.” Mme ene a re: “Namatshegang, lo se boife! Modimo wa lona, e bong wa ga rraeno o lo file lehumo mo dikgetseng tsa lona. Madi a lona a ne a fitlha mo go nna.” Ke fa a ba ntshetsa Simeone. Jaanong monna yoo a ba isa mo ntlong ya ga Josefa. A ba gela metsi gore ba tlhape dinao. Le diesele tsa bone a di fa dijo. Bone ba baakanya dineo tsele, ba lebelela Josefa motshegare; gonne ba ne ba utlwile gore ba tla ja teng. Ya re Josefa a sena go tsena mo ntlong, ba isa dineo tse ba di tshotseng kwa go ene mo ntlong, ba inamela fa fatshe fa pele ga gagwe. Mme Josefa a ba botsa bophelo a re: “A rraeno yo o tsofetseng yo lo mo mpoleletseng o tsogile? A o sa ntse a phela?” Ba araba ba re: “Motlhanka wa gago, rraetsho o ntse a le teng, o sa ntse a phela.” Ba inama ba ikobela fa fatshe. Ke fa a tlhatlosa matlho a bona Benyamene monnawe, morwa mmaagwe, a botsa a re: “A ke ene monnaa-lona yo mmotlana yo lo mo mpoleletseng?” A ba a re: “A Modimo o nne bopelonomi le wena, morwaaka.” Jaanong Josefa a akofa a tloga, gonne pelo ya gagwe e ne e huduegile ka ntlha ya ga monnawe, a batla fa a ka lelelang teng, a tsena mo ntlwaneng ya borobalo, a lelela teng. Ya re a sena go tlhapa sefatlhego, a tswa a itshwere a re: “Tsholang dijo!” Ba mmeela tsa gagwe go sele le tsa bone go sele le tsa Baegepeto ba ba jang nae go sele. Gonne Baegepeto ba ne ba sa tshwanela go ja le Bahebere; gonne moo e ne e le maila mo go Baegepeto. Ba nnisiwa ba lebaganye nae ka go tlhomagana ga matsalo a bone, yo mogolo ka fa bogolong jwa gagwe le yo mmotlana ka fa bobotlaneng jwa gagwe. Banna bao ba lebana ba gakgametse. Jaanong a ba abela dikabelo tsa dijo tse di fa pele ga gagwe; kabelo ya ga Benyamene ya feta dikabelo tsa bone gatlhano. Mme ba ja, ba nwa, ba itumela nae. Jaanong Josefa a laela mookamedi wa lelapa la gagwe a re: “Tlatsa dikgetse tsa banna bao mabele ka fa ba ka kgonang go belesa ka teng, o tsenye madi a mongwe le mongwe mo molomong wa kgetse ya gagwe. Mme senwelo sa me sa selefera o se tsenye mo molomong wa kgetse ya yo mmotlana mmogo le madi a mabele a gagwe.” A dira ka fa Josefa a mo laetseng ka teng. E rile bosigo bo sena go sa, banna bao ba newa tsela, ba tsamaya ka diesele tsa bone. Ya re ba sena go tswa mo motseng, ba ise ba nne kgakala, Josefa a laela mookamedi wa lelapa la gagwe a re: “Tsamaya, o latelele banna bale, mme kwa o tla ba tshwarang teng, o ba ree o re: ‘Ke ka ntlha ya eng, fa lo leboga molemo ka bosula? Lo utswa senwelo sa me sa selefera? A ga se sona se morena wa me o nwang ka sona, e bile e le taola ya gagwe? Lo dirile bosula thata ka go dira jalo.’ ” Ya re a sena go ba tshwara a bua mafoko ao nabo. Mme ba mo raya ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa morena wa rona a bua mafoko a a ntseng jalo? Go kgakala le batlhanka ba gago go ka dira jalo. Kana madi a re a fitlhetseng mo melomong ya dikgetse tsa rona re a buseditse kwa go wena, re tswa kwa lefatsheng la Kanana! Jaanong re ka utswa jang selefera gongwe gouta mo ntlong ya morena wa gago? Yo se tla fitlhelwang mo go ene gare ga batlhanka ba gago, a a bolawe! Le rona re tla nna batlhanka ba morena wa rona.” Ene a re: “Ee, go siame! A go dirwe jaaka lo buile, yo se tla fitlhelwang mo go ene o tla nna motlhanka wa me, mme lona lo tla bo lo se na molato.” Ke fa ba itlhaganela, mongwe le mongwe a belegolola kgetse ya gagwe, a ba a e bofolola. Mookamedi a fukutsa, a simolola mo go yo mogolo, a khutla mo go yo mmotlana, mme senwelo seo sa fitlhelwa mo kgetseng ya ga Benyamene. Ke fa ba ikgagola diaparo, ba belesa diesele tsa bone botlhe, ba boela kwa motseng. Juta le bomorwa-rraagwe ba tsena mo ntlong ya ga Josefa – ene a sa ntse a le teng – ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe. Josefa a ba botsa a re: “Ke tiro e e ntseng jang e lo e dirileng? A ga lo itse gore monna yo o tshwanang le nna o itse dilo ka boitseanape?” Juta a re: “Re ka raya morena wa rona ra reng? Re ka bolela eng? Re ka itshiamisa jang? Modimo o bonye molato wa batlhanka ba gago. Bona, re batlhanka ba morena wa rona, rona le ene yo senwelo se fitlhetsweng mo go ene.” Mme a fetola a re: “A go nne kgakala le nna go dira jalo. Monna yo go fitlhetsweng senwelo mo go ene, ke ene yo o tla nnang motlhanka wa me. Mme lona boelang gae kwa go rraeno ka kagiso!” Ke fa Juta a atamela kwa go ene a re: “Ka thapelo, morena wa me! A ko o letlelele motlhanka wa gago gore a bue lefoko mo ditsebeng tsa morena wa me. A bogale jwa gago bo se ka jwa tukela motlhanka wa gago! Kana o kana ka Farao. Morena wa me o kile a botsa batlhanka ba gagwe a re: ‘A lo na le rraeno le monnaa-lona?’ Ra araba morena wa rona ra re: ‘Re na le rraetsho yo o tsofetseng le morwawe yo mmotlana yo a mo tsaletsweng a setse a tsofetse. Mogolowe o sule, go setse ene a le esi wa ga mmaagwe, mme rraagwe o a mo rata.’ Ke fa o laela rona batlhanka ba gago o re: ‘Yaang go mo tlisa kwano go nna gore ke mmone ka matlho.’ Ra fetola morena wa rona ra re: ‘Mosimane yoo ga a ka ke a tlogela rraagwe. Fa a ka mo tlogela, rraagwe a ka swa.’ Ke fa o raya batlhanka ba gago o re: ‘Fa monnaa-lona a sa tle le lona, ga lo kitla lo bona sefatlhego sa me gape.’ “Ya re re sena go boela kwa go rraetsho, motlhanka wa gago, ra mmolelela mafoko a morena wa rona. Ya re morago ga malatsi rraetsho a re: ‘Tsamayang gape lo ye go re rekela dijonyana.’ Ra fetola ra re: ‘Ga re ka ke ra ya teng. Re ka ya fela, fa monnaa-rona a na le rona. Gonne ga re kitla re bona sefatlhego sa monna yole, fa monnaa-rona a se na le rona.’ Ke fa motlhanka wa gago, rraetsho, a re raya a re: ‘Lo a itse ka losi, fa mosadi wa me a ntsaletse basimane ba le babedi fela. Yo mongwe o sa le a tsamaya, ke bona gore o gagogantswe ke dibata. Ga ke ise ke be ke mmone go fitlhelela jaanong. Jaanong fa lo ka tsaya le ene yoo, lwa mo tlosa mo go nna, mme a welwa ke kotsi, lo tla folosetsa moriri o mobududu wa me kwa felong ga baswi ka botlhoko.’ “Jaanong fa nka fitlha kwa go rre motlhanka wa gago, mme mosimane yo a se na le rona, yo pelo ya ga rre e mo kgomaretseng; fa a bona mosimane a se yo, o tla swa. Foo batlhanka ba gago ba tla folosetsa moriri o mobududu wa ga rraetsho, motlhanka wa gago, kwa felong ga baswi ka botlhoko. Gonne nna motlhanka wa gago ke neetswe mosimane yo ke rre ke sena go ipofa go nna moemedi wa gagwe ka re: ‘Fa ke sa boele nae kwa go wena, ke tla nna molato fa pele ga rre ka malatsi otlhe.’ A bogolo go sale motlhanka wa gago mo boemong jwa lekau, ke nne motlhanka wa morena wa me; mme a lekau le boele kwa gae le bomogoloa-lone. Gonne nka boela jang kwa go rre, ke se na le lekau? Nka palelwa ke go bona botlhoko jo bo tla welang mo go rre.” Ke fa Josefa a palelwa ke go itshwara fa pele ga botlhe ba ba emeng fa go ene, mme a buela godimo a re: “A botlhe ba tswele kwa ntle!” Ga bo go se ope fa go Josefa, fa a ipolelela bomorwa-rraagwe. A lela, a tlhatlositse lentswe, Baegepeto ba mo utlwa, selelo sa gagwe sa utlwala le kwa lapeng la ga Farao. Josefa a raya bomorwa-rraagwe a re: “Ke nna Josefa! A rre o sa ntse a phela?” Mme bomorwa-rraagwe ba palelwa ke go mo araba, ka ba ne ba tshogile fa pele ga gagwe. Josefa a raya bomorwa-rraagwe a re: “A lo ko lo nkatamele.” Ba atamela. A ba a re: “Ke nna Josefa, morwa-rraeno yo lo ne lwa mo rekisa, a isiwa kwa Egepeto! Mme jaanong lo se ka lwa hutsafala le e seng go inyatsa ka ntlha ya gore lo nthekisitse, ka tla kwano. Gonne Modimo o nthometse kwano gore ke lo etelele pele le go boloka maphelo a rona. E setse e le ngwaga wa bobedi go le tlala mo lefatsheng, mme go sa ntse go tla tla dinyaga di le tlhano tse go se neng go lengwa mo go tsona le e seng go roba. Modimo o nthometse kwano, ka lo etelela pele, e le go lo bolokela losika mo lefatsheng le go lo phedisa gore lo tle lo nne lesomo le legolo la baphologi. Ka moo ga se lona lo nthometseng kwano, ke Modimo. O ntirile mogakolodi wa ga Farao le morena wa lelapa lotlhe la gagwe le mmusi wa lefatshe lotlhe la Egepeto. “Itlhaganeleng he lo ye kwa go rre, lo mo ree lo re: ‘Josefa morwao o bua jaana a re: Modimo o ntirile molaodi wa lefatshe lotlhe la Egepeto. Tlaa kwano go nna, o se diege! O tla aga mo nageng ya Gosene gore o nne gaufi le nna, wena le bana ba gago le bana ba bana ba gago le matsomane a gago le metlhape ya gago le tsotlhe tse o nang natso. Ke tla go babalela teng, gonne go sa ntse go tla tla dinyaga di le tlhano tsa leuba; e se re gongwe wa humanega, wena le ba lapa la gago le tsotlhe tse o nang natso.’ “Matlho a lona le matlho a ga nnake Benyamene a a bona, fa e le nna Josefa yo ke buang le lona. Bolelelang rre bogolo jotlhe jwa me mono Egepeto le tsotlhe tse lo di bonyeng, lo itlhaganele, lo tlise rre kwano.” Ke fa a wela mo molaleng wa ga Benyamene monnawe, a lela; le Benyamene a lelela mo molaleng wa gagwe. A ba a atla bomorwa-rraagwe botlhe, a lelela mo go bone; morago ga moo bomorwa-rraagwe ba bua nae. Jaanong e rile tumo e, e utlwala mo lapeng la ga Farao go twe: Go tsile bomorwa-rraagwe Josefa, Farao a itumela le batlhanka ba gagwe. Farao a laela Josefa a re: “Raya bomorwa-rraago o re: Dirang jaana: Belesang diruiwa tsa lona, lo tloge lo ye kwa lefatsheng la Kanana. Lo tsee rraeno le ba malapa a lona, lo tle kwano go nna. Ke tla lo fa sefuti sa lefatshe la Egepeto gore lo je mafura a lone. Gape ke go neela thata ya go bua o re: Dirang jaana: Tsayang dikoloi mono Egepeto, lo ye go tsaya rraeno le basadi le bana ba lona, lo ba tsise kwano. Lo se ka lwa itshwenya go tla le dithoto tsa lona; gonne tse di molemo tsa lefatshe la Egepeto lo tla di abelwa.” Bomorwa Iseraele ba dira jalo. Josefa a ba naya dikoloi ka fa taelong ya ga Farao, a ba a ba fa mefago. Le gona a naya mongwe le mongwe wa bone seaparo sa mokgabo, mme Benyamene ene a mo naya diselefera di le 300 le diaparo di le tlhano tsa mokgabo. Mme rraagwe ene a mo romela diesele di le some, di belege tse di monate tsa Egepeto le diesele tse di namagadi di le some di belege mabele le dinkgwe le mefago ya ga rraagwe. A naya bomorwa-rraagwe tsela, ba tsamaya, mme a ba laela a re: “Lo se ka lwa omana mo tseleng.” Ba tloga ba tswa kwa Egepeto, ba fitlha kwa lefatsheng la Kanana kwa go Jakobe rraabo ba mmolelela ba re: “Josefa o sa ntse a phela, e bile ke ene mmusi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.” Mme a se ka a ba dumela, ka a ne a kgobegile marapo. Mme ya re ba mmolela mafoko aotlhe a Josefa o a buileng nabo, e bile a bona dikoloi tse Josefa a di rometseng go tla go mo tsaya, mowa wa gagwe wa rula. Mme Iseraele a re: “Go lekanye! Josefa morwaake o sa ntse a phela. Ke tla ya, ke be ke mmone, ke ise ke swe.” Ke fa Iseraele a huduga, a tsaya tsotlhe tse e leng tsa gagwe. Ya re a sena go fitlha kwa Bereseba, a tlhabela Modimo wa ga Isaka rraagwe ditlhabelo. Mme Modimo wa bua le Iseraele ka pono ya bosigo wa re: “Jakobe, Jakobe!” A araba a re: “Ke fano!” Modimo wa re: “Ke nna Modimo, e bong Modimo wa ga rraago. Se boife go hudugela kwa Egepeto; gonne ke tla go dira setšhaba se segolo teng. Nna ka nosi ke tla ya nao kwa Egepeto; le gona ke nna ke tla go ntshang teng gape. Mme Josefa o tla budulatsa matlho a gago.” Jakobe a tloga kwa Bereseba. Bomorwa Iseraele ba palamisa Jakobe rraabo le bana ba bone le basadi ba bone mo dikoloing tse Farao a di rometseng go mo hudusa ka tsona. Ba tsaya diruiwa tsa bone le dithoto tsa bone tse ba di bapetseng mo lefatsheng la Kanana, ba fitlha kwa Egepeto, Jakobe le losika lotlhe lwa gagwe nae, e bong bomorwawe le bomorwa bomorwawe le bomorwadie le bomorwadia bomorwawe; a ya le losika lotlhe lwa gagwe kwa Egepeto. Maina a bomorwa Iseraele ba ba ileng kwa Egepeto ke a, ke a ga Jakobe le bomorwawe: Motsalwapele wa ga Jakobe ke Rubene. Bomorwa Rubene ke Henoge le Phalo le Heserone le Karemi. Bomorwa Simeone ke Jemuele le Jamine le Ohate le Jagine le Sohare le Saule morwa mosadi wa Mokanana. Bomorwa Lefi ke Geresone le Kahathe le Merari. Bomorwa Juta ke Ere le Onane le Sela le Pherese le Sera. Mme Ere le Onane ba ne ba swela mo lefatsheng la Kanana. Bomorwa Pherese e ne e le Heserone le Hamule. Bomorwa Isašare ke Thola le Phuwa le Jobe le Simerone. Bomorwa Sebulone ke Serete le Elone le Jahalele. Ke bone bomorwa Lea ba o ba tsaletseng Jakobe kwa Phatane-Arame mmogo le Dina morwadie. Bomorwawe le bomorwadie botlhe e ne e le batho ba le 33. Bomorwa Gate ke Sifione le Haki le Suni le Esebone le Eri le Arodi le Aredi. Bomorwa Asere ke Imena le Iswa le Iswi le Beria le Sera kgaitsadia bone. Bomorwa Beria ke Hebere le Malekhiele. Ke bone bomorwa Silepa yo Labane a mo neetseng Lea morwadie, a tsalela Jakobe bana bao, mmogo e le batho ba le 16. Bomorwa Ragele mosadi wa ga Jakobe ke Josefa le Benyamene. Mme Josefa a tsala Manase le Eferaime mo lefatsheng la Egepeto, a ba tsala le Asenathe morwadia Photifera, moperesiti wa kwa One. Bomorwa Benyamene ke Bela le Begere le Asebele le Gera le Naamane le Egi le Roše le Muphime le Huphime le Arete. Ke bone bomorwa Ragele ba ba tsaletsweng Jakobe. Mmogo ke batho ba le 14. Morwa Dane ke Hušime fela. Bomorwa Nafetale ke Jahaseele le Guni le Jesere le Sileme. Ke bone bomorwa Bileha yo Labane a mo neetseng Ragele morwadie; a tsalela Jakobe bana bao, mmogo e le batho ba supa. Batho botlhe ba ba ileng le Jakobe kwa Egepeto ba e leng bana ba mmele wa gagwe, go sa balwe basadi ba bomorwa Jakobe, mmogo ke batho ba le 66. Bomorwa Josefa ba o ba tsetseng kwa Egepeto ba bedi fela. Ba lapa la ga Jakobe botlhe ba ba ileng kwa Egepeto ba ne ba le 70. Jakobe o ne a roma Juta gore a ye kwa pele kwa go Josefa gore ene Josefa a ba baakanyetse magorogelo kwa Gosene. Ba fitlha kwa nageng ya Gosene. Ke fa Josefa a baakanya koloi ya gagwe, a bolola go kgatlhantsha Iseraele rraagwe kwa Gosene. Ya re a mmona, a wela mo molaleng wa gagwe, a lelela sebaka mo molaleng wa gagwe. Mme Iseraele a raya Josefa a re: “Jaanong nka swa ka boitumelo, ka ke bonye sefatlhego sa gago o sa ntse o phela.” Josefa a raya bomorwa-rraagwe le ba lapa la ga rraagwe a re: “Ke tla ya, ke begela Farao, ke mo raya ke re: ‘Bomorwa-rre le ba lapa la ga rre ba ba neng ba le kwa lefatsheng la Kanana, ba tlile kwano go nna. Banna bao ke badisa ba difutshane – gonne e ne e le beng ba diruiwa – ba tlile le matsomane a bone le metlhape le tsotlhe tse ba nang natso.’ Jaanong e tle e re fa Farao a lo bitsa, a lo botsa a re: ‘Tiro ya lona ke eng?’ lo arabe lo re: ‘Batlhanka ba gago, rona le borraetsho, re sa le re nna barui ba diruiwa go tswa bonyaneng jwa rona go fitlhelela kajeno!’ gore lo tle lo letlelelwe go aga mo nageng ya Gosene.” Gonne badisa botlhe ba matsomane ba nyatsegile mo go Baegepeto. Josefa a ya kwa go Farao, a mo itsise a re: “Rre le bomorwa-rre ba gorogile ba na le matsomane a bone le metlhape ya bone le tsotlhe tse e leng tsa bone, ba tswa kwa lefatsheng la Kanana, ba gorogetse mo nageng ya Gosene.” O ne a tsere ba le batlhano mo go bomorwa-rraagwe, a ba isa fa pele ga Farao. Jaanong Farao a ba botsa a re: “Tiro ya lona ke eng?” Ba araba Farao ba re: “Rona batlhanka ba gago re badisa ba matsomane jaaka borraetsho.” Ba be ba raya Farao ba re: “Re tsile go jaka mo lefatsheng leno; gonne ga go na mafulo a matsomane a batlhanka ba gago, mme tlala e kgolo mo lefatsheng la Kanana. Jaanong ka thapelo, a batlhanka ba gago ba nne mo nageng ya Gosene.” Ke fa Farao a raya Josefa a re: “Rraago le bomorwa-rraago ba tsile kwa go wena. Lefatshe la Egepeto le go atlanegetse. Rraago le bomorwa-rraago o ba bee mo nageng e e gaisang. A ba nne mo nageng ya Gosene. Mme fa go na le ba ba tlhaga mo go bone, o ba dire baokamedi ba badisa ba ga etsho.” Jaanong Josefa a tsaya rraagwe, a ya go mo supa fa pele ga Farao. Ke fa Jakobe a tshegofatsa Farao. Farao a botsa Jakobe a re: “Malatsi a bophelo jwa gago a kae?” Jakobe a araba Farao a re: “Malatsi a leeto la bophelo jwa me ke dinyaga di le 130. Mme malatsi a bophelo jwa me a ne a le mannye fela, le gona a le botlhoko. Ga a lekane le malatsi a bophelo jwa borre a ba neng ba phela ka ona.” Jakobe a sadisa Farao sentle ka tshegofatso, a ba a mo tlogela. Josefa a baya rraagwe le bomorwa-rraagwe mo lefatsheng la Egepeto mo nageng e e gaisang e e bidiwang Ramasese ka fa Farao a laetseng ka teng, a ba naya boswa jwa naga teng. Josefa a babalela rraagwe le bomorwa-rraagwe le malapa otlhe a bone ka dijo, mongwe le mongwe ka fa palong ya ba ba mo lapeng. Mme ga bo go se na dijo mo lefatsheng lotlhe, gonne tlala e ne e le kgolo thata, mo naga ya Egepeto le ya Kanana di bileng tsa felelwa ka ntlha ya yona tlala. Josefa a kgobokanya madi aotlhe a selefera a a leng mo lefatsheng la Egepeto le mo Kanana ka mabele a ba a rekang; a isa madi kwa ntlong ya ga Farao. Jaanong e rile madi a sena go fela mo lefatsheng la Egepeto le mo Kanana, Baegepeto botlhe ba tla kwa go Josefa ba re: “Re fe dijo! Kana re na le go swelang fa pele ga gago? Gonne madi a fedile.” Josefa a re: “Rekang ka diruiwa tsa lona, fa go se na madi; ke tla lo naya mabele ka tsona.” Ke fa ba ntsha diruiwa tsa bone, ba di neela Josefa. Mme Josefa a rekisa dijo mo go bona ka dipitse le diruiwa tsa matsomane le metlhape le diesele; a ba tlamela ka dijo, ba di reka ka diruiwa tsotlhe tsa bone, ka ona ngwaga oo. Ya re ngwaga oo o sena go feta, ba tla kwa go ene ka ngwaga o o latelang, ba mo raya ba re: “Ga re kitla re lobela morena wa rona go re, ka madi a fedile le diruiwa tsa diphedi e le tsa morena wa rona, ga goa sala sepe se re ka rekang dijo ka sona mo moreneng wa rona, fa e se mebele ya rona le masimo a rona. Kana re tla bo re swelang fa pele ga gago, rona le masimo a rona? Re reke le masimo a rona ka dijo gore re nne batlhanka ba ga Farao, rona le masimo a rona. Fela re fe peo gore re phele, mme re se ka ra swa, le masimo a se ka a fetoga naga.” Josefa a rekela Farao naga yotlhe ya Egepeto, gonne Moegepeto mongwe le mongwe o ne a rekisa tshimo ya gagwe, ka tlala e ne e ba imela mo go botlhoko. Mme lefatshe ya nna la ga Farao. Fa e le batho a ba hudusetsa kwa metseng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Fela masimo a baperesiti a se ka a a reka. Gonne baperesiti ba ne ba amogela tuelo e e tlhomameng mo go Farao, ba ja tuelo ya bone e e tlhomameng e Farao a e ba nayang. Ke ka moo ba se kang ba rekisa masimo a bone. Ke fa Josefa a raya morafe a re: “Bonang, ke lo reketse Farao kajeno le masimo a lona. Bonang, peo ya lona ke e! Jaanong yaang go jwala kwa masimo. Mme e re lo roba, lo neele Farao karolo ya botlhano. Dikarolo tse nne e tla nna tsa lona, e le peo ya masimo le dijo tsa malapa a lona.” Ba araba ba re: “O re boloketse bophelo. Fa re ka bona bopelotlhomogi fela mo matlhong a morena wa rona, re tla nna batlhanka ba ga Farao.” Go ntshetsa Farao karolo ya botlhano Josefa a go dira molao o o laolang masimo a Baegepeto go fitlha letsatsing leno. Ke masimo a baperesiti fela a e seng a ga Farao. Baiseraele ba nna mo lefatsheng la Egepeto mo nageng ya Gosene, ba e ja boswa, ba ata, ba ntsifala thata. Jakobe ene a phela dinyaga di le 17 mo lefatsheng la Egepeto. Malatsi a ga Jakobe a bophelo jwa gagwe ke dinyaga di le 147. Jaanong e rile malatsi a go swa ga Iseraele a atamela, a bitsa Josefa morwawe, a mo raya a re: “A e re fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, o bee seatla sa gago fa tlase ga letheka la me, o ntirele ka lorato le boammaaruri: Ke a go rapela, se mphitlhe mono Egepeto! A e re fa ke sena go robala le borre, o ntlose mo Egepeto, o ye go mphitlha mo mabitleng a bone.” Josefa a araba a re: “Ke tla dira ka fa mafokong a gago.” Rraagwe a re: “A ko o ikane!” A ikana, mme Iseraele a inama mo mosamong wa bolao. E rile morago ga dilo tseo Josefa a begelwa ga twe: “Rraago o a lwala.” A tsaya bomorwawe ba babedi, Manase le Eferaime a ya nabo kwa go Jakobe. Jaanong Jakobe a bolelelwa ga twe: “Josefa morwao o e tla.” Iseraele a itsetsepela a nna mo bolaong. Jakobe a raya Josefa a re: “Modimo Mothatayotlhe o kile wa iponatsa mo go nna kwa Luse mo lefatsheng la Kanana, wa ntshegofatsa, wa nthaya wa re: ‘Bona, ke tla go atisa, ke go ntsifatsa, ke go dira bontsi jwa merafe; ke tla naya ba losika lwa gago lefatshe le sehularong sa gago go nna boswa jo bo sa khutleng.’ “Jaanong he, bomorwao ba babedi ba o ba tsaletsweng mo lefatsheng la Egepeto ke ise ke tle kwano go wena mono Egepeto, ke ba me. Eferaime le Manase e tla nna ba me, fela jaaka Rubene le Simeone. Mme bana ba o ba tsetseng morago ga bone, e tla nna ba gago. Ba tla bidiwa ka maina a bomogoloa-bone mo bosweng jwa bone. Nna e rile ke boa kwa Phatane, Ragele mmaago a swa ke na nae mo tseleng mo lefatsheng la Kanana, go sa ntse go le sebakanyana sa go fitlha kwa Eferatha; ka mo fitlha gona fa tseleng e e yang kwa Eferatha mo e leng Betleheme.” Jaanong ya re Iseraele a bona bomorwa Josefa, a botsa a re: “Ke bomang ba?” Josefa a araba rraagwe a re: “Ke bomorwaake ba Modimo o ba mphileng mono.” Jakobe a re: “A ko o ba tlise kwano go nna gore ke ba tshegofatse.” Mme matlho a ga Iseraele a ne a fifetse ka tsofalo, a sa kgone go bona sentle. Jaanong ya re Josefa a sena go ba atametsa kwa go ene, a ba atla, a ba tlamparela. Iseraele a raya Josefa a re: “Ke ne ke setse ke tlhobogile go ka bona sefatlhego sa gago, mme jaana Modimo o bile o mpontshitse le bana ba gago.” Ke fa Josefa a ba tlosa mo mangoleng a gagwe, a inamela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga gagwe. Josefa a ba a ba tsaya ka bobedi jwa bone, a tsaya Eferaime ka letsogo le le jang, a mo lebanya le la molema la ga Iseraele, a tsaya Manase ka la molema, a mo lebanya le le le jang la ga Iseraele. A ba atametsa jalo kwa go ene. Mme Iseraele a ntsha letsogo le le jang, a le baya mo tlhogong ya ga Eferaime, le fa e ne e le yo mmotlana; la molema a le baya mo tlhogong ya ga Manase, a fapaanya mabogo a gagwe jalo. Kana motsalwapele e ne e le Manase. A tshegofatsa Josefa a re: “Modimo o borre Aborahame le Isaka ba sepetseng fa pele ga ona; Modimo o e neng e le Modisa wa me mo bophelong jotlhe jwa me go fitlhelela letsatsing leno; moengele yo o nkgolotseng mo masuleng otlhe, a a tshegofatse basimane ba! A leina la me le maina a borre, e bong Aborahame le Isaka, a tume ka bone; a ba ate, ba nne bantsi thata mo lefatsheng.” Ya re Josefa a bona rraagwe a beile letsogo le le jang mo tlhogong ya ga Eferaime, a se ka a itumela, a tshwara letsogo la ga rraagwe, a re o le tlosa mo tlhogong ya ga Eferaime go le baya mo tlhogong ya ga Manase. A raya rraagwe a re: “E seng jalo, rra. Gonne motsalwapele ke yo. Baya letsogo le le jang mo tlhogong ya gagwe.” Mme rraagwe a gana a re: “Ke a itse, morwaaka, ke a itse! Le ene o tla nna morafe; le ene o tla nna mogolo. Mme monnawe o tla mo feta ka bogolo; bana ba gagwe e tla nna bontsi jwa ditšhaba.” A ba tshegofatsa jalo ka letsatsi leo a re: “Baiseraele ba tla tshegofatsa ka lona ba re: ‘A Modimo o go dire jaaka Eferaime le Manase!’ ” A re jalo, a dira Eferaime mogolo mo go Manase. Iseraele a ba a raya Josefa a re: “Bona, ke a swa, mme Modimo o tla nna le lona, o lo busetsa kwa lefatsheng la borraeno. Nna ke go naya naga ya dithabana go feta bomorwa-rraago ka yona; ke e ke e gapileng mo go Baamori ka tšhaka ya me le bora.” Jaanong Jakobe a bitsa bomorwawe a re: “Phuthegang gore ke lo bolelele tse di tla lo dirafalelang mo metlheng e e tlang. Kgobokanang lo utlwe, lona bomorwa Jakobe! Reetsang Iseraele, rraeno! Rubene, o morwaake yo mogolo, o thata ya me, o wa ntlha wa nonofo ya me. O gaisa ba bangwe ka bogolo; o phala ba bangwe ka bonatla. O huhula jaaka metsi. Ga o kitla o nna yo mogolo; ka gonne o kile wa palama mo bolaong jwa ga rraago, wa bo itshekolola. Wa palama mo marobalong a me. Simeone le Lefi ke bana ba motho. Dibolai tsa bone ke tse di setlhogo. A mowa wa me o se ka wa tsena mo lekgotleng la bone; a tlotlo ya me e se ka ya kopana le phuthego ya bone. Gonne ba bolaile banna ka bogale jwa bone; ba golafatsa dipoo ka bomo. A go hutsiwe bogale jwa bone, ka bo tuka thata, le kgalefo ya bone, ka e le setlhogo. Ke tla ba kgaoganya mo go Jakobe, ke ba phatlalatsa mo go Iseraele. Juta ke wena, bomorwa-rraago ba tla go boka. Seatla sa gago se tla nna mo thamong tsa baba ba gago. Bomorwa-rraago ba tla ikoba fa pele ga gago. Juta ke tawana; o tlhatlogile, morwaaka, o tswa thopong. A inama, a botha jaaka tau le jaaka tau e namagadi. Ke mang yo o ka mo tshosang? Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa. O bofelela eselana ya gagwe mo setlhareng sa moweine le ngwana wa esele e namagadi ya gagwe mo go sa moweine se se tlhaotsweng. Seaparo sa gagwe o se tlhatswa ka weine le kobo ya gagwe ka matute a maungo a moweine. Matlho a gagwe a leoto ka weine; o sweufetse meno ka mašwi. Sebulone o tla nna fa losing lwa lewatle, ene o fa magorogelong a mekoro. Letlhakore la gagwe le kopana le naga ya Sitone. Isašare ke esele ya marapo a a thata, o botha mo gare ga maraka. A fitlhela boikhutso bo le monate le lefatshe le le lentle; a oba legetla la gagwe go rwala, a nna motlhanka yo o kgethisiwang. Dane o tla emela tshiamo mo morafeng wa gagwe jaaka longwe lwa ditso tsa Iseraele. A Dane a nne noga mo tseleng le mokwepa mo tselaneng o o lomang pitse diretheng gore mopalami wa yona a wele kwa morago. Morena, ke lebeletse pholoso ya gago. Gate – setlhopha sa dinokwane se tla mo pitlaganya, mme ene o tla pitlaganya direthe tsa bone. Asere – dijo tsa gagwe di mafura; ene o tsisa menate ya dikgosi. Nafetale ke phala e namagadi e e gololegileng; o utlwatsa bontle jwa mafoko. Josefa ke setlhare se senana se se ungwang, ke setlhare se senana se se fa motsweding. Dikala tsa sona di golela godimo ga lorako. Ba ba hulang metswi ba ne ba mo tlhasela, ba mo hula, ba mo lwantsha. Mme bora jwa gagwe jwa nna bo tiile, mabogo le diatla tsa gagwe di le bobebe ka thuso ya Mothata wa ga Jakobe, e e tswang mo go yo e leng Modisa wa ga Iseraele le lefika la gagwe; e e tswang mo Modimong wa ga rraago – a o go thuse! le mo go Mong-wa-thata-yotlhe – a a go tshegofatse ka ditshegofatso tsa legodimo kwa godimo, le ka ditshegofatso tsa bodiba jo bo leng kwa tlase le ka ditshegofatso tsa mabele le letsalo. Ditshegofatso tsa ga rraago di feta ditshegofatso tsa dithaba tse di sa khutleng le mokgabo wa dithabana tse di sa khutleng. A di tle mo tlhogong ya ga Josefa le mo phogong ya motlotlegi wa bomorwa-rraagwe. Benyamene ke phiri e e garolang. O ja thopo mo mosong, maitsiboa a abele se se thukhuthilweng.” Botlhe bao ke bone ditso di le 12 tsa Iseraele, ke tsona tse rraabo o di ba boleletseng, fa a ba tshegofatsa mongwe le mongwe ka tshegofatso ya gagwe; a ba tshegofatsa jalo. A ba a ba laela, a ba raya a re: “E re ke sena go bilediwa kwa morafeng wa ga etsho, lo mphitlheng fa go borre mo logageng lo lo mo tshimong ya ga Eferone wa Mohethe mo logageng lo lo mo tshimong ya Makapela e e mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mamere mo lefatsheng la Kanana, e bong tshimo ele e Aborahame o neng a e reka mo go Eferone wa Mohethe go nna mabitla a losika lwa gagwe. jer 4 Gona foo ba fitlhile Aborahame le Sara mosadi wa gagwe; gona foo ba fitlhile Isaka le Rebeka mosadi wa gagwe; gona foo ke fitlhile Lea mo tshimong e e nang le logaga e e rekilweng mo go Bahethe.” Jaanong ya re Jakobe a sena go fetsa go laela bomorwawe, a busetsa maoto a gagwe mo bolaong, a swa, a bilediwa kwa bathong ba ga gabo. Ke fa Josefa a wela mo sefatlhegong sa ga rraagwe, a mo lelela, a mo atla. Josefa a ba a laola batlhanka ba gagwe ba e leng dingaka go omeletsa setoto sa ga rraagwe ka ditlhare. Dingaka tsa dira jalo, tsa fetsa morago ga malatsi a le 40; gonne go omeletsa setoto go tsaya malatsi a a kana. Baegepeto le bone ba mo lelela malatsi a le 70. Jaanong ya re malatsi a go mo lelela a sena go feta, Josefa a bua le ba lapa la ga Farao a re: “Fa ke bonye bopelotlhomogi mo go lona a nke lo bue mo ditsebeng tsa ga Farao lo re: Rre o inkanisitse a re: ‘Bona, ke a swa, o mphitlhe gona kwa lefatsheng la Kanana mo lebitleng le ke le ikepetseng.’ Jaanong a nke ke ye, ke fitlhe rre. Ke tla be ke boa.” Farao a re: “Yaa o fitlhe rraago ka fa a go ikanisitseng ka teng.” Josefa a ya jalo go fitlha rraagwe; batlhanka botlhe ba ga Farao ba ya nae le ba bagolo ba lapa la gagwe le ba bagolo botlhe ba lefatshe la Egepeto. Le botlhe ba lelapa la ga Josefa le bomorwa-rraagwe le ba lapa la ga rraagwe ba ya nae. Ba tlogela bana ba bannye ba bone le matsomane a bone le metlhape ya bone mo lefatsheng la Gosene. Gape ga ya nae dikoloi le bapalami ba dipitse; ya nna lesomo le legolo thata. Ya re ba sena go fitlha kwa seboaneng sa mitlwa se se kwa moseja ga Joretane, ba lelela moswi teng ka selelo se segolo, se se botlhoko thata. Josefa a direla rraagwe khutsafalelo ya malatsi a supa. Jaanong e rile Bakanana baagi ba lefatshe leo ba bona phitlho mo seboaneng sa mitlwa, ba re: “Selo se ke phitlho e e botlhoko ya Baegepeto.” Ke ka moo ba se teileng leina la Selelo-sa-Baegepeto se se leng kwa moseja ga Joretane. Mme bomorwawe ba mo direla ka fa a ba laetseng ka teng. Bomorwawe ba mo isa kwa lefatsheng la Kanana, ba mo fitlha mo logageng lwa tshimo ya Makapela, yona tshimo e Aborahame o neng a e rekile mo go Eferone wa Mohethe go nna mabitla a losika lwa gagwe ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mamere. Ya re Josefa a sena go fitlha rraagwe, a boela kwa Egepeto, ene le bomorwa-rraagwe le botlhe ba ba ileng nae go fitlha rraagwe. Jaanong e rile bomorwa-rraagwe Josefa ba bona, fa rraabo a sule, ba re: “Fa Josefa a ka re tlhoa, a re busetsa tota tse di bosula tsotlhe tse re di mo diretseng, re tla reng?” Ke ka moo ba rometseng lefoko kwa go Josefa le le reng: “Rraago o laetse a ise a swe a re: ‘Rayang Josefa jaana lo re: Ka thapelo a ko o itshwarele boleo jwa bomorwa-rraago le sebe sa bone; gonne ba go diretse bosula.’ Mme jaanong a ko o itshwarele boleo jwa batlhanka ba Modimo wa ga rraago!” Mme Josefa a lela, fa ba bua jalo nae. Le gona bomorwa-rraagwe ba ya ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe ba re: “Bona, re fano, re batlhanka ba gago.” Mme Josefa a ba fetola a re: “Se boifeng! A ke mo boemong jwa Modimo? Ke nnete, lona lo ne lo ikaeletse go ntirela bosula, mme Modimo o bo fetotse molemo gore o tle o dire jaaka go bonwa kajeno, o phedise batho ba bantsi. Jaanong ge, se boifeng! Ke tla lo babalela le bana ba lona.” A ba gomotsa jalo, a bua tse di itumedisang dipelo tsa bone. Josefa o ne a nna jalo kwa Egepeto, ene le ba lapa la ga rraagwe. Josefa a phela dinyaga di le lekgolo le lesome. Josefa a bona bana ba bana ba ga Eferaime. Le bana ba ga Magire, morwa Manase, ba tsalelwa Josefa. Josefa a laela bomorwa-rraagwe a re: “Ke a swa; mme Modimo o tla lo babalela, o lo ntsha mo lefatsheng le, o lo isa kwa lefatsheng le o le solofeditseng Aborahame le Isaka le Jakobe.” Le gona Josefa a ikanisa bomorwa Iseraele a re: “E re Modimo o lo golola, lo ntshe marapo a me mono.” Josefa a swa a le dinyaga di le 110. Ba mo omeletsa ka ditlhare, ba mo tsenya mo letloleng kwa Egepeto. Maina ke a, a bomorwa Iseraele ba ba neng ba ya kwa Egepeto mmogo le Jakobe le malapa a bone: Rubene le Simeone le Lefi le Juta le Isašare le Sebulone le Benyamene le Dane le Nafetale le Gate le Asere. Mme botlhe ba e leng ba losika lwa ga Jakobe e ne e le batho ba le 70. Mme Josefa o ne a sa bolo go ya kwa Egepeto. Jaanong ya re Josefa a se na go swa le bomorwa-rraagwe botlhe le losika lwa ntlha, bana ba bone, e bong Baiseraele ba sala ba ata, ba ntsifala, ba nna bantsi, mo ba bileng ba tlala ka lefatshe. Mme ga busa kgosi e ntšhwa kwa Egepeto e e sa itseng sepe ka ga Josefa. Yona ya raya morafe wa yona ya re: “Bonang, morafe wa Baiseraele o mogolo, o tloga o nna thata bogolo go rona. Tlayang, re ba logeleng maano, e se re gongwe ba atela pele, mme ya re fa ntwa e ka tla, ba goga le baba ba rona, ba tlhabana le rona, ba tlogela lefatshe le.” Ya baa gona ba ba beelang baokamedi ba ba ba pateletsang tirong, e le go ba bogisa ka ditiro tse di bokete tsa bone. Ba agela Farao metse ya difala tse di bolokang dijo, e bong Phitome le Ramasese. Mme le fa ba ba bogisa thata, bone ba ata thata, ba anama segolo, mo Baegepeto ba bileng ba boifa Baiseraele. Ke fa Baegepeto ba dira Baiseraele batlhanka ka thata; ba galakisa bophelo jwa bone ka tiro e e bokete letsopeng le diekaneng le ka tiro tsa mefutafuta kwa masimo; ditiro tsotlhe tsa bone ba di ba dirisa setlhogo. Gape kgosi ya Egepeto ya laela babelegisi ba basadi ba Bahebere, e bong Sifera le Phua, ya re: “Fa lo belegisa basadi ba Bahebere, lo lebalebe ngwana; fa e le mosimane, mmolaeng; fa e le mosetsana, a a phele!” Mme babelegisi ba bo ba boifa Modimo, ba se ka ba dira ka fa kgosi ya Egepeto e ba laetseng ka teng, ba leseletsa basimane go phela. Ke fa kgosi ya Egepeto e bitsa babelegisi, e ba botsa e re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo dirile jalo, lwa phedisa basimane?” Babelegisi ba fetola Farao ba re: “Kana basadi ba Bahebere ga ba tshwane le basadi ba Baegepeto, mme bone ba thata. E a tle e re mmelegisi a ise a fitlhe kwa go bone, ba bo ba setse ba belege.” Babelegisi bao Modimo wa ba phedisa sentle, mme morafe wa Baiseraele wa ata, wa tia thata. Mme ya re ka babelegisi ba boifa Modimo, ona wa ba naya malapa a a tletseng bana. Ke fa Farao a laela morafe otlhe wa gagwe a re: “Basimane botlhe ba Bahebere ba ba tla tsalwang lo ba latlheleng mo nokeng ya Nile, mme basetsana botlhe lo ba lese ba phele!” Monna mongwe wa lotso lwa ga Lefi a ya a tsaya mosadi mo go bomorwadia Lefi. Mosadi yoo a ithwala, a tshola ngwana wa mosimane. Ya re a bona a le montle, a mo fitlha dikgwedi di le tharo. Ya re a sa tlhole a kgona go mo fitlha, a mo tseela seroto sa lotlhaka, a se thiba ka boroku jwa mmu le boka, a baya ngwana mo go sona, a ba a se fitlha mo motlhakeng fa losing lwa noka ya Nile. Mme kgaitsadie a ema kgakalanyana gore a tle a bone, fa sengwe se mo dirafalela. Ke fa morwadia Farao a fologela kwa nokeng ya Nile go tlhapa, basetsana ba gagwe ba ntse ba tsamaya fa losing lwa noka ya Nile. Jaanong ya re a bona seroto seo mo motlhakeng, a roma lelata la gagwe, la ya la se tsaya. Ya re a se khurumolola, a bona ngwana, a fitlhela e le mosimanyana yo o lelang, a mo tlhomogela pelo a re: “Ke ngwana mongwe wa Bahebere.” Ke fa kgaitsadie a botsa morwadia Farao a re: “A ke ye go go biletsa mosadi yo o amusang wa Bahebere gore a go amusetse ngwana yo?” Morwadia Farao a mo araba a re: “Ee, dira jalo!” Ke fa lekgarebe leo le ya, le bitsa mmaagwe ngwana. Mme morwadia Farao a mo laela a re: “Tsaya mosimanyana yo, o mo nkamusetse; ke tla go naya tuelo.” Mosadi a tsaya ngwana yo, a mo amusa. Ya re ngwana a sena go gola, a mo isa kwa go morwadia Farao, a nna morwawe, mme a mo taya leina la Moše a re: “Kana ke mo ntshitse mo metsing!” Jaanong ya re Moše a sena go nna monna, a ya kwa go ba ga gabo, a bona ditiro tse di bokete tsa bone; a bona monna wa Moegepeto a itaya monna wa ga gabo wa Mohebere. A gadima kwa le kwa, mme ya re a bona go se na ope, a bolaya Moegepeto, a mo epela mo motlhabeng. A ba a ya gape ka letsatsi la bobedi, a bona banna ba le babedi ba Bahebere ba lwa, mme a botsa yo o rumotseng a re: “O iteelang wa ga eno?” Mme ene a re: “Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi wa rona? A o rata go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole?” Ke fa Moše a tshoga a re: “Ka nnete, tiro eo e utlwetswe.” Jaanong e rile Farao a utlwela tirafalo eo, a batla go bolaya Moše, mme Moše a tshaba, a ya a nna kwa lefatsheng la Midiane, a nna fa sedibeng sengwe. Mme moperesiti wa Midiane o ne a na le bomorwadie ba supa; bone ba tla, ba ga metsi, ba tlatsa digopo go nosa letsomane la ga rraabo. Ke fa badisa ba bangwe ba tla, ba ba leleka, mme Moše a nanoga, a ba thusa, a nosa letsomane la bone. E rile ba fitlha kwa go Rehuele rraabo, ene a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo boile ka pele kajeno?” Ba re: “Monna mongwe wa Moegepeto o re namotse badisa, a ba a re gelela metsi, a nosa letsomane lotlhe.” Mme a raya bomorwadie a re: “Kana o kae? Monna yoo lo mo tlogeletseng? Yaang lo mmiletse dijo.” Moše a dumela go nna le monna yoo; ene a neela Moše Siphora morwadie go nna mosadi wa gagwe. Siphora a tshola ngwana wa mosimane, mme Moše a mo taya leina la Geresome; gonne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.” Jaanong ya re sebaka se seleele se sena go feta, kgosi ya Egepeto ya swa, mme Baiseraele ba fegelwa ka ntlha ya botlhanka, ba lelela thuso; mme selelo sa bone sa tlhatlogela kwa Modimong se tswa mo botlhankeng jwa bone. Modimo wa utlwa diphegelo tsa bone, wa gopola kgolagano ya ona e o e dirileng le Aborahame le Isaka le Jakobe. Modimo wa bona Baiseraele, wa ba itshenolela. Moše o ne a ntse a disa letsomane la ga Jetoro mogwagwadiagwe, moperesiti wa Midiane. O kile a disa letsomane, a fetile sekaka, a fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe. Teng moengele wa Morena a iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo e e tswang mo setlhareng se se mitlwa. A leba, a fitlhela molelo o tuka mo setlhareng, mme se sa šwe. Ke fa Moše a re: “A nke ke atamele, ke bone kgakgamatso e kgolo e gore ke ka ntlha ya eng, fa setlhare seo se sa šwe.” Mme ya re Morena a mmona a atamela go sekaseka, Modimo wa mmitsa o le mo setlhareng seo se se mitlwa wa re: “Moše! Moše!” Mme a re: “Ke fano.” Wa re: “Se atamele kwano, rola ditlhako tsa gago; gonne felo fa o emeng teng foo ke felo fa go boitshepo.” Wa ba wa re: “Ke nna Modimo wa ga rraago, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe.” Ke fa Moše a ipipa sefatlhego, ka a boifa go leba Modimo. Morena a re: “Ruri, ke bonye pogisego ya morafe wa me o o mo Egepeto, ke ba utlwile ba ledisiwa ke bagobagobetsi ba bone; tota ke itse botlhoko jwa bone. Mme ke fologile go ba golola mo diatleng tsa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo le go ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le atlhameng kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, kwa dinageng tsa Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi. Jaanong, bona, selelo sa Baiseraele se fitlhile mo go nna. Le gona ke bonye kgatelelo e Baegepeto ba ba gateletseng ka yona. Jaanong he, yaa teng, ke go rome kwa go Farao, o ntshe Baiseraele, morafe wa me, mo Egepeto.” Moše a fetola Modimo a re: “Nna ke mang, yo nka yang kwa go Farao go ntsha Baiseraele mo Egepeto?” Modimo wa re: “Kana ke tla nna nao. Mme sesupo sa gore ke go romile ke se: E tla re o sena go ntsha morafe oo mo Egepeto, lo direle Modimo mo thabeng e.” Moše a botsa Modimo a re: “E re ke fitlha kwa Baiseraeleng, ke ba raya ke re: ‘Modimo wa borraeno o nthomile kwa go lona,’ mme ba mpotsa ba re: ‘Leina la ona ke mang?’ – foo ke ba ree ke reng?” Modimo wa raya Moše wa re: “Ke nna yo ke leng ene!” Wa ba wa re: “Raya Baiseraele jaana o re: ‘Ene ke-nna o nthomile kwano go lona.’ ” Modimo wa bua gape le Moše wa re: “O ree Baiseraele jaana o re: ‘Morena Modimo wa borraeno, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, ke ona o o nthomileng kwano go lona.’ Ke lone leina la me ka bosakhutleng, ke lone le ke bidiwang ka lone ke ditshika tsotlhe. Yaa he, o phuthe bagolo ba Baiseraele, o ba ree o re: ‘Morena Modimo wa borraeno o iponaditse mo go nna; Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe wa re: Ruri, ke lo etse tlhoko le tse lo di diretsweng mo Egepeto, ka re, ke tla lo ntsha mo pogisegong ya Egepeto, ke lo isa kwa lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe.’ “Ba tla utlwa lentswe la gago; mme wena o ye kwa kgosing ya Egepeto, o na le bagolo ba Baiseraele, lo e ree lo re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Jaanong ge, a ko o re letlelele go ya kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re ye go direla Morena Modimo wa rona ka ditlhabelo.’ Fela ke itse gore kgosi ya Egepeto ga e ka ke ya lo dumelela go tsamaya, fa e sa patelediwe ka thata. Mme ke tla otlolola letsogo, ke itaya Egepeto ka dikgakgamatso tsa me tsa mefutafuta tse ke tla di dirang teng. Morago ga moo kgosi e tla lo rebola. “Le gona ke tla naya morafe o go bona bopelotlhomogi mo matlhong a Baegepeto: E tla re fa lo huduga, lo se ke lo huduge lo iphotlhere fela. Mme a mosadi mongwe le mongwe a kope dilo tsa selefera le tsa gouta le diaparo mo mosading wa Moegepeto yo o bapileng nae le mo go ene yo e leng moeng mo lapeng la Moiseraele; lo di apese bomorwa-lona le bomorwadia-lona, lo thukhuthe Baegepeto jalo.” Moše a fetola a re: “Fa ba sa ntumele, ba sa utlwe lentswe la me, ba re: ‘Morena ga a ka a iponatsa mo go wena, ke tla dirang’?” Morena a mo raya a re: “Ke eng se o se tshotseng ka letsogo?” A re: “Ke thobane.” Morena a re: “E latlhele fa fatshe!” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga. Moše a ba a tshaba. Morena a raya Moše a re: “Ntsha letsogo o e tshware ka mogatla.” A ntsha letsogo, a e tshwara, mme ya boa ya nna thobane gape mo letsogong la gagwe. “O dire jalo gore ba tle ba dumele, fa Morena Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, o iponaditse mo go wena.” Morena a ba a mo raya a re: “A ko o tsenye seatla mo sehubeng sa gago.” A tsenya seatla mo sehubeng sa gagwe. Ya re a se ntsha, a fitlhela seatla sa gagwe se tletse lepero se le sesweu jaaka semathana. A laola a re: “Tsenya seatla gape mo kobong ya gago.” A se busetsa mo kobong ya gagwe. Ya re a se ntsha, a fitlhela se tshwana gape le nama ya gagwe. “Mme fa ba sa go dumele, ba sa utlwe thuto ya sesupo sa ntlha, ba tla dumela thuto ya sesupo sa bobedi. Mme fa ba sa dumele ditshupo tsoo pedi, ba sa utlwe lentswe la gago, o ge metsi mo nokeng ya Nile, o a tshololele fa go omileng. Foo metsi a o a gileng mo nokeng a tla fetoga madi teng foo.” Mme Moše a raya Morena a re: “Ao! Morena, ga ke itse go bua sentle, fa e sa le ke tsalwa go fitlhelela kajeno, o ntse o bua le motlhanka wa gago. Gonne ke molomo o bonya, ke loleme lo bonya.” Ke fa Morena a mmotsa a re: “Ke mang yo o fileng motho molomo, ke mang yo o dirang motho semumu gongwe sesusu gongwe mmoni gongwe sefofu? A ga se nna Morena? Tsamaya he o ye, nna ke tla nna le molomo wa gago, ke go ruta tse o tla di buang.” Mme Moše a re: “Ao! Morena, roma o sele yo o ka kgonang, e seng nna.” Ke fa Morena a tukela Moše bogale a re: “A ga ke re, Arone mogoloo wa Molefi o teng? Ke itse gore ene o itse go bua sentle. E bile o e tla, o tsile go go kgatlhantsha, mme e tla re a go bona, a itumele ka pelo yotlhe. Bua nae, o tsenye mafoko mo molomong wa gagwe, mme ke tla nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, ke lo ruta tse lo tla di dirang. Ene o tla nna mmueledi wa gago mo bathong, ene e le molomo wa gago, mme wena o le modimo wa gagwe. Mme thobane eo e o tla dirang ditshupo ka yona, o e tshole ka letsogo.” Moše a tsamaya, a boela kwa go Jetoro mogwagwadiagwe, a mo raya a re: “A ko o ntetlelele gore ke boele kwa go ba ga etsho ba ba nnang kwa Egepeto, ke ye go bona gore a ba sa ntse ba phela.” Jetoro a raya Moše a re: “Yaa ka kagiso!” Morena a raya Moše a sa le kwa Midiane a re: “Boela kwa Egepeto, gonne banna botlhe ba ba neng ba rata go go bolaya ba sule.” Ke fa Moše a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe, a ba palamisa diesele, a boela kwa lefatsheng la Egepeto. Moše a bo a tshotse thobane ya Modimo ka letsogo. Morena a laela Moše jaana a re: “E re ka o le mo tseleng go boela kwa Egepeto, o tlhokomele gore o dire dikgakgamatso fa pele ga Farao tse ke di tsentseng mo diatleng tsa gago. Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya gagwe, mo a se neng a leseletsa morafe go ka huduga. “O be o ree Farao o re: ‘Morena o bua jaana a re: Iseraele ke ene morwaake wa ntlha. Mme ke go laola ke re: Naya morwaake tsela gore a ye go ntirela, mme fa o ka gana go mo lesa a tsamae, ke tla bolaya morwao wa ntlha.’ ” Jaanong ya re Moše a le mo tseleng fa go lalwang teng, Morena a mo tlhasela, a re o a mmolaya. Ke fa Siphora a tsaya thipa ya letlapa, a rupisa morwawe, a se latlhela fa dinaong tsa ga Moše a re: “Kana o mogatsaake wa madi!” Ya ba gona Morena a mo lesang. Foo mosadi a re: “Mogatsaake wa madi!” A raya thupiso. Mme Morena o ne a laetse Arone a re: “Yaa o kgatlhantshe Moše kwa sekakeng.” A ya a kgatlhana nae kwa thabeng ya Modimo, a mo atla. Ke fa Moše a begela Arone mafoko otlhe a Morena o mo romileng ka ona le ditshupo tsotlhe tse o di mo laoletseng. Moše le Arone ba ya ba phutha bagolo botlhe ba Baiseraele. Arone a bolela mafoko otlhe a Morena o neng a a buile le Moše, mme Moše a dira ditshupo tsele fa pele ga matlho a morafe. Morafe wa dumela. Ya re ba sena go utlwa gore Morena o etse Baiseraele tlhoko, o bonye pogisego ya bone, ba inama, ba obamela Modimo. Morago ga moo Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Lesa morafe wa me o ye go ntirela moletlo mo sekakeng!’ ” Farao a fetola a re: “Morena ke mang yo ke tshwanetseng go mo utlwa, ka naya Baiseraele tsela? Ga ke itse Morena, le gona ga nka ke ka lesa Baiseraele go tsamaya.” Bone ba re: “Modimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Nte re ye kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re direle Morena, Modimo wa rona, ditlhabelo, e se re gongwe a re wela ka leroborobo gongwe ka tšhaka.” Kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Lona, Moše le Arone, lo dielang batho mo ditirong tsa bone? Yaang kwa ditirong tsa lona.” Farao a ba a re: “Bonang, ba setse ba atile thata mo lefatsheng la rona. Jaanong a lona lo rata go ba ikhutsisa mo ditirong tsa bone?” Ka lone letsatsi leo Farao a laela bagobagobetsi ba ba mo morafeng le baokamedi ba ona a re: “Lo se ka lwa tlhola lo naya morafe lotlhaka lwa go bopa diekana jaaka pele. A ba ye ka bosi, ba ikgobokanyetse lotlhaka. Mme palo ya diekana e ba e dirileng pele lo e batle mo go bone, lo se ka lwa e fokotsa; gonne bone ke ditshwakga. Ke ka moo ba goang ba re: ‘Re lese re ye re direle Modimo wa rona ditlhabelo!’ A tiro e imele banna bao tota gore ba itapise ka yona, mme ba se ka ba tlhokomela mafoko a maaka.” Ke fa bagobagobetsi ba morafe le baokamedi ba ona ba tswa ba raya morafe ba re: “Farao o bua jaana a re: ‘Ga nka ke ka lo naya lotlhaka. Yaang ka nosi lo ipatlele lotlhaka, kwa lo ka lo bonang teng, mme tiro ya lona ga e ne e fokodiwa ka gope.’ ” Ke fa morafe o phatlalala le lefatshe lotlhe la Egepeto go kgobokanya dirite boemong jwa lotlhaka. Mme bagobagobetsi ba ba potlakisa ba re: “Fetsang ditiro tsa lona tsa letsatsi ka nako ya tsona jaaka pele, fa lo sa ntse lo fiwa lotlhaka.” Baokamedi ba e leng Baiseraele ba ba neng ba beilwe ke bagobagobetsi ba ga Farao mo go bone ba itewa, ba bodiwa ga twe: “Ke ka ntlha ya eng, fa maabane le kajeno lo sa fetsa palo ya diekana e lo e laetsweng jaaka gale?” Ke fa baokamedi ba e leng Baiseraele ba ya kwa go Farao ba mo goela ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o direla batlhanka ba gago jaana? Batlhanka ba gago ga ba fiwe lotlhaka, mme ba ntse ba re raya ba re: ‘Bopang diekana!’ Bona, batlhanka ba gago ba a itewa, morafe wa gago o dirwa baleofi.” Mme a fetola a re: “Ditshwakga ke lona, lo metlapa! Ke ka moo lo buang lo re: ‘Re lese re ye re direle Morena ditlhabelo!’ Tsamayang lo ye tirong! Ga lo kitla lo fiwa lotlhaka, mme lo bope palo ya diekana e e beilweng.” Ke fa baokamedi ba e leng Baiseraele ba iphitlhela ba le mo bothateng ka lefoko le le reng: “Lo se ka lwa fokotsa palo ya diekana tsa lona e e beilweng ya letsatsi le letsatsi.” Ya re ba tswa kwa go Farao, ba kopana le Moše le Arone ba ba neng ba eme teng go ba kgatlhantsha. Ba ba raya ba re: “A Morena a lo bone, a lo atlhole; gonne lo re nkgisitse fa pele ga Farao le batlhanka ba gagwe, lwa ba lwa tsenya tšhaka mo diatleng tsa bone go re bolaya.” Moše a boela kwa Moreneng a re: “Morena, ke ka ntlha ya eng, fa o direla morafe o bosula? A o nthometse gona? Fa e sa le ke tsena kwa go Farao go bua ka leina la gago, a simolola go direla morafe o bosula. Le gona ga o ise o golole morafe wa gago gope.” Mme Morena a raya Moše a re: “Jaanong o tla bona se ke tla se direlang Farao. Gonne o tla ba naya tsela, a pateleditswe ke letsogo le le thata. Ee, o tla ba leleka mo lefatsheng la gagwe, a pateleditswe ke letsogo le le thata.” Modimo wa bua gape le Moše, wa mo raya wa re: “Ke nna Morena. Ke iponaditse mo go Aborahame le mo go Isaka le mo go Jakobe ke le Modimo Mothatayotlhe, mme ga ke a ka ka ikitsise mo go bone ka leina la me la Morena. Le gona ke dirile kgolagano ya me nabo, ka ba solofetsa go ba naya lefatshe la Kanana, lefatshe la boeng jwa bone, le ba neng ba le baeng mo go lone. Le gona ke utlwile diphegelo tsa Baiseraele ba ba gatelelwang ke Baegepeto ka botlhanka, ka gopola kgolagano ya me. Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Morena, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo. Ke tla lo tshola gore lo nne morafe wa me; ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla itse gore ke nna Morena Modimo wa lona yo o lo ntshang mono, a lo rola morwalo wa go direla Baegepeto. “ ‘Ke tla lo fitlhisa kwa lefatsheng lele le ke le tsholeleditseng letsogo ka ikano gore ke tla le naya Aborahame le Isaka le Jakobe. Ruri, nna Morena, ke tla le lo naya go nna boswa.’ ” Moše a bolelela Baiseraele jalo, mme ba se ka ba mo reetsa ka ntlha ya go fela pelo ka botlhanka jo bo setlhogo. Ke fa Morena a bua le Moše a re: “Yaa o bue le Farao, kgosi ya Egepeto, gore a lese Baiseraele ba huduge mo lefatsheng la gagwe.” Mme Moše a bua fa pele ga Morena a re: “Bona, fa Baiseraele ba sa nkutlwe, Farao ene o tla nkutlwa jang, ke le yo o sa itseng go bua sentle.” Ke fa Morena a bua le Moše le Arone, a ba laela go ya kwa Baiseraeleng le kwa go Farao, kgosi ya Egepeto, go ba bolelela gore re romilwe go ntsha Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto. Ditlhogo tsa malapa a borraabo ke tse: Bomorwa Rubene, motsalwapele wa ga Iseraele, ke Henoge le Phalo le Heserone le Karemi. Ke tsona ditso tsa ga Rubene. Bomorwa Simeone ke Jemuele le Jamine le Ohate le Jagine le Sohare le Saule, morwa mosadi wa Mokanana. Ke tsona ditso tsa ga Simeone. Maina a bomorwa Lefi ka go tlhomagana ga bone ke a: Geresone le Kahathe le Merari. Dinyaga tsa bophelo jwa ga Lefi di ne di le 137. Bomorwa Geresone ke Lebeni le Simei ka fa ditsong tsa bone. Bomorwa Kahathe ke Amerame le Isehare le Heberone le Usiele. Dinyaga tsa bophelo jwa ga Kahathe di ne di le 133. Bomorwa Merari ke Magedi le Muši. Ke tsona ditso tsa ga Lefi le go tlhomagana ga tsona. Amerame a tsaya Jogebete, rakgadiagwe, go nna mosadi wa gagwe; ene a mo tsalela Arone le Moše. Dinyaga tsa bophelo jwa ga Amerame di ne di le 137. Bomorwa Isehare ke Kora le Nefege le Sigeri. Bomorwa Usiele ke Mišaele le Elesafane le Sitheri. Arone a tsaya Eliseba, morwadia Aminatabe, kgaitsadia Nasone, go nna mosadi wa gagwe, a tsala nae Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare. Bomorwa Kora ke Asire le Elekana le Abjasafe. Ke tsona ditso tsa ga Kora. Eleasare, morwa Arone, a tsaya mosadi mo go bomorwadia Phutiele; a tsala Phinehase nae. Ke tsona ditlhogo tsa borra-Balefi ka fa ditsong tsa bone. Arone le Moše ke bone ba Morena o ba laetseng a re: “Ntshang Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto, ba rulagantswe ka fa mephatong ya bone.” Ke bone ba ba buileng le Farao, kgosi ya Egepeto, go hudusa Baiseraele mo Egepeto, e bong Moše le Arone. E rile ka letsatsi le Morena o buileng le Moše mo lefatsheng la Egepeto ka lone, Morena a raya Moše a re: “Ke nna Morena. Bolelela Farao, kgosi ya Egepeto, dilo tsotlhe tse ke tla di buang nao.” Mme Moše a bua fa pele ga Morena a re: “Kana ga ke itse go bua sentle. Farao o tla ntheetsa jang?” Morena a raya Moše a re: “Bona, ke go dirile modimo wa ga Farao, mme Arone mogoloo o tla nna moporofeti wa gago. Wena o mmolelele tsotlhe tse ke di go laelang, mme Arone mogoloo o tla di bua le Farao gore a lese Baiseraele ba huduge mo lefatsheng la gagwe. Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya ga Farao, ke ntsifatsa ditshupo tsa me le digakgamatso tsa me mo lefatsheng la Egepeto. Farao ga a ka ke a lo utlwa, mme ke tla baya seatla sa me mo Egepeto, ke hudusa mephato ya me, e bong morafe wa me wa Baiseraele, mo lefatsheng la Egepeto ka dipetso tse dikgolo. Motlhang ke otlololelang Baegepeto letsogo la me, ke ntsha Baiseraele mo gare ga bone, foo Baegepeto ba tla lemoga gore ke nna Morena.” Moše le Arone ba dira ka fa Morena a ba laetseng ka teng. Ba dira fela jalo. E rile ba bua le Farao, Moše a bo a le dinyaga di le 80, mme Arone a le dinyaga di le 83. Jaanong Morena a bua le Moše le Arone a re: “Fa Farao a bua le lona a re: ‘Itshupeng ka kgakgamatso,’ o ree Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o e latlhele fa pele ga Farao; e tla fetoga noga.’ ” Ke fa Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba dira ka fa Morena a ba laetseng ka teng; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Farao le fa pele ga batlhanka ba gagwe, ya fetoga noga. Jaanong Farao a bitsa batlhalefi le baitseanape, mme dingaka tsa Egepeto le tsona tsa dira jalo ka mereo ya tsona. Mongwe le mongwe a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe, tsa fetoga dinoga, mme thobane ya ga Arone ya metsa dithobane tsa bone. Fela pelo ya ga Farao ya thatafala; a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boletse. Ke fa Morena a raya Moše a re: “Pelo ya ga Farao ga e ineele; o gana go naya morafe tsela. Yaa kwa go Farao ka masa – bona, o tla ya kwa nokeng – o eme fa losing lwa noka ya Nile go mo kgatlhantsha gona, o tsee thobane e e fetogileng noga ka letsogo, o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o nthomile kwano go wena a re: Ke sa le ke go raya ke re: Lesa morafe wa me gore o ye go ntirela mo sekakeng! Mme bona, ga ò ise o utlwe go fitlhelela jaanong. Morena o bua jaana a re: Se o tla lemogang ka sona gore ke nna Morena, ke se: Ke tla itaya metsi a noka ka thobane e ke e tshotseng, mme a tla fetoga madi. Ditlhapi tse di mo nokeng di tla swa, noka e be e nkge sebodu; mme Baegepeto ba tla bifelwa ke go nwa metsi a noka.’ ” Morena a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o otlolole letsogo godimo ga metsi a Baegepeto le godimo ga dinoka tsa bone le dinokana tsa bone le matsha a bone le megobe yotlhe, fa metsi a phuthegelang teng gore a fetoge madi.’ Madi a tla nna teng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto le mo megopong ya logong le ya letsopa.” Moše le Arone ba dira ka fa Morena a laotseng ka teng: A tsholetsa thobane, a itaya metsi a a mo nokeng ya Nile, Farao le batlhanka ba gagwe ba ntse ba lebile. Ke fa metsi aotlhe a a mo nokeng ya Nile a fetoga madi. Ditlhapi tse di mo nokeng tsa swa, noka ya nkga mo Baegepeto ba bileng ba palelwa ke go nwa metsi a noka. Ga nna madi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Dingaka tsa Egepeto le tsona tsa dira fela jalo ka mereo ya tsona. Mme pelo ya ga Farao ya nna ya thatafala, a se ka a ba utlwa, jaaka Morena a boletse. Farao a retologa, a boela kwa lapeng la gagwe; selo se a se ka a se tsaya tsia. Baegepeto botlhe ba epa metsi a a nowang mo ditlhakoreng tsa noka, ka ba ne ba palelwa ke go nwa metsi a noka. Ga feta malatsi a supa, noka e ntse e le jalo, Morena a sena go itaya noka ya Nile. Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao, o mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela! Mme fa o gana go ba lesa, ke tla watlhaya naga yotlhe ya gago ka digwagwa. Noka e tla nyeula digwagwa, di tla tlhatloga, di tsena mo ntlong ya gago le mo ntlwaneng ya borobalo ya gago le mo bolaong jwa gago le mo matlong a batlhanka le a morafe wa gago le mo dipesetsong tsa gago le mo megopong ya gago ya bodubelo. Digwagwa di tla tlolela mo go wena le mo bathong ba gago le mo batlhankeng ba gago.’ ” Jaanong Morena a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Otlolola letsogo o tshwere thobane ya gago godimo ga dinoka le dinokana le matsha, o tlhatlosetse digwagwa mo lefatsheng la Egepeto.’ ” Arone a otlolola letsogo godimo ga metsi a Egepeto; mme digwagwa tsa tlhatloga, tsa farafara lefatshe la Egepeto. Mme dingaka le tsona tsa dira jalo ka mereo ya tsona, tsa tlhatlosetsa digwagwa mo lefatsheng la Egepeto. Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone a re: “Nthapeleleng Morena gore a tlose digwagwa mo go nna le mo morafeng wa me. Foo ke tla naya morafe tsela gore o ye go direla Morena ditlhabelo.” Moše a fetola Farao o re: “A tlotlo e nne ya gago! A ko o mpolelele nako ya go rapelela wena le batlhanka ba gago le morafe wa gago gore digwagwa di nyelediwe leng, di tlosiwe leng mo go wena le mo malapeng a gago, di nne mo nokeng fela?” Farao a re: “A e nne kamoso!” Moše a re: “Go tla dirafala ka fa o buileng ka teng gore o tle o itse, fa go se na ope yo o tshwanang le Morena, Modimo wa rona. Digwagwa di tla tlosiwa jalo mo go wena le mo malapeng a gago le mo batlhankeng ba gago le mo morafeng wa gago, di nna mo nokeng fela.” Ya re Moše le Arone ba sena go tlogela Farao, Moše a goela kwa Moreneng ka ntlha ya digwagwa tse a di rometseng Farao. Morena a dira ka fa thapelong ya ga Moše: Digwagwa tsa swela mo matlong le mo malapeng le kwa masimo. Ba di kgobokanya, ya nna mekoakoa, mme lefatshe la nkga sebodu. Ya re Farao o bona fa a imologile, a boela a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele. Jaanong Morena a bua le Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsholetsa thobane ya gago, o itee lerole la lefatshe gore le fetoge menang mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’ ” Ba dira jalo; Arone a tsholetsa letsogo a tshwere thobane ya gagwe, a itaya lerole la lefatshe. Ke fa menang e tlela batho le diruiwa. Lerole lotlhe la lefatshe la fetoga menang mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Dingaka le tsona tsa leka jalo ka mereo ya tsona gore di dire menang, mme tsa palelwa. Menang ya tlala mo bathong le mo diruiweng. Ke fa dingaka di raya Farao di re: “Ke tiro ya Modimo.” Mme pelo ya ga Farao ya nna e thatafetse, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele. Ke fa Morena a raya Moše a re: “Phakela ka masa, o eme fa pele ga Farao – bona, o tla ya kwa nokeng – o mo ree o re: ‘Morena o sa ntse a bua jalo a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela! Gonne fa o sa lese morafe wa me go tsamaya, ke tla romela diboba gore di go tlhasele le batlhanka ba gago le morafe wa gago le matlo a gago. Matlo a Baegepeto a tla tlala diboba le mmu o a emeng mo go ona. Mme ka letsatsi leo ke tla tlhaola lefatshe la Gosene le morafe wa me o agileng mo go lone gore go se ka ga nna diboba teng; ke gona o tla itseng gore ke nna Morena mo lefatsheng lotlhe. Ke tla baya molelwane wa phemelo fa gare ga morafe wa me le morafe wa gago. Sesupo seo se tla dirafala kamoso.’ ” Morena a dira jalo. Diboba tsa tla ka bontsi mo ntlong ya ga Farao le mo matlong a batlhanka ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Lefatshe la tlhokofadiwa ke diboba. Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone a re: “Yaang lo direle Modimo wa lona ditlhabelo mo lefatsheng le.” Moše a fetola a re: “Ga go a siama go dira jalo. Gonne re tlhabela Morena Modimo wa rona tse e leng maila mo go Baegepeto. Jaanong fa re dira ditlhabelo tse e leng maila mo go Baegepeto mo matlhong a bone, a ga ba kitla ba re kgobotletsa ka majwe? Re lese re ye kwa sekakeng leeto la malatsi a mararo, re direle Morena Modimo wa rona ditlhabelo, jaaka Morena a re laetse.” Farao a re: “Ke tla lo naya tsela gore lo direle Morena Modimo wa lona ditlhabelo mo sekakeng. Fela lo se ka lwa ya kgakala thata. Le gona lo nthapelele.” Moše a re: “E tla re ke sena go go tlogela, ke rapele Morena gore diboba di tloge mo go Farao le mo batlhankeng ba gagwe le mo morafeng wa gagwe kamoso. Fela Farao a se ka a boelela tsa go fora, a gana go lesa morafe go ya go direla Morena ditlhabelo.” Jaanong ya re Moše a sena go tlogela Farao, a rapela Morena. Mme Morena a dira ka fa thapelong ya ga Moše, a tlosa diboba mo go Farao le mo batlhankeng ba gagwe le mo morafeng wa gagwe, ga se ka ga sala seboba sepe. Mme le ka sebaka seo Farao a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a naya morafe tsela. Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao, o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o bua jaana a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela! Gonne fa o sa ntse o gana go ba naya tsela, o ba thibela, foo letsogo la Morena le tla itaya diruiwa tsa gago tse di mo nageng, e bong dipitse le diesele le dikammele le dikgomo le dinku ka leroborobo le le setlhogo. Mme Morena o tla farologanya diruiwa tsa Baiseraele le tsa Baegepeto: Ga go kitla go swa sepe sa dilo tsa Baiseraele. Le gona Morena o beile sebaka sa teng a re: Selo se Morena o tla se dira kamoso mo lefatsheng.’ ” Morena a dirafatsa lefoko leo ka letsatsi la kamoso: Ga swa diruiwa tsotlhe tsa Baegepeto, mme ga se ka ga swa sepe sa diruiwa tsa Baiseraele. Ke fa Farao a romela go ya go tlhola, a fitlhela go sa swa sepe sa diruiwa tsa Baiseraele, mme pelo ya ga Farao ya nna e ntse e thatafetse, a se ka a rebola morafe go tsamaya. Jaanong Morena a raya Moše le Arone a re: “Tsayang mosidi mo leisong ka diatla tse pedi, mme a Moše a o gasetse kwa legodimong fa pele ga Farao. Mosidi oo o tla fetoga lerole le le boleta godimo ga lefatshe lotlhe la Egepeto; go tla tswa diso tse di rurugang, di direge ditlhagala tse di phunyegang mo bathong le mo diruiweng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.” Ba tsaya mosidi wa leiso, ba ema fa pele ga Farao, mme Moše a o gasetsa kwa godimo; ga tswa diso tse di rurugang, tsa direga ditlhagala tse di phunyegang mo bathong le mo diruiweng. Mme dingaka tsa palelwa ke go ema fa pele ga Moše ka ntlha ya ditlhagala; gonne dingaka di ne di dulwe ke ditlhagala le Baegepeto botlhe. Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse Moše. Morena a ba a raya Moše a re: “Phakela kamoso, o eme fa pele ga Farao, o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o bua jaana a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela! Gonne ka nako e ke tla romela dipetso tsotlhe tsa me kwa teng ga pelo ya gago le kwa batlhankeng ba gago le kwa morafeng wa gago gore o tle o itse fa go se na ope yo o tshwanang le nna mo lefatsheng lotlhe. Gonne nka bo ke ntshitse letsogo, ka go bolaya le morafe wa gago ka leroborobo, mo o ka bong o fedisitswe mo lefatsheng. Mme se ke go boloketseng bophelo ka ntlha ya sona ke go re, ke go bontshe thata ya me gore ba tumise leina la me mo lefatsheng lotlhe. O sa ntse o thibela morafe wa me, o sa o lese go tsamaya. Bona, kamoso go le kana ke tla nesa sefako se se boitshegang thata, se go iseng go ke go ne se se tshwanang naso mo Egepeto go tloga tshimologong ya Egepeto go fitlhelela kajeno. Jaanong he, roma o femele diruiwa tsa gago le tsotlhe tse e leng tsa gago tse di kwa nageng; gonne batho botlhe le diruiwa tse di fitlhelwang kwa nageng, di sa tshabela kwa matlong, di tla bolawa ke sefako, di swa.’ ” Jaanong yo o neng a boifa lefoko la Morena mo batlhankeng ba ga Farao, a tshabisetsa ba lapa la gagwe le diruiwa tsa gagwe mo matlong. Mme yo o neng a sa ele lefoko la Morena tlhoko ka pelo, a lesa ba gagwe le diruiwa tsa gagwe kwa nageng. Jaanong Morena a raya Moše a re: “Tsholeletsa letsogo kwa godimo gore go ne sefako mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, se rothothe batho le diruiwa le dijwalo tsotlhe tsa masimo mo lefatsheng la Egepeto.” Moše a tsholeletsa thobane ya gagwe kwa godimo; mme Morena a dumisa maru, a nesa sefako le ditladi tsa ratha lefatshe. Morena a nesa sefako jalo mo lefatsheng la Egepeto. Sefako sa na, magadima a ntse a gadima mo gare ga sefako mo go boitshegang thata; e le sefako se se iseng se ke se ne se le kalo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, fa e sa le setšhaba se simolola go nna mo go lone. Mo lefatsheng lotlhe la Egepeto sefako sa bolaya dilo tsotlhe tse di neng di le kwa nageng, batho le diruiwa. Le gona sefako sa senya dijwalo tsotlhe tsa masimo, sa roba ditlhare tsotlhe tsa naga. Fela mo nageng ya Gosene fa Baiseraele ba neng ba nna teng sefako sa se ka sa na. Ke fa Farao a roma, a bitsa Moše le Arone, a ba raya a re: “Jaanong ke leofile. Morena o siame, mme nna le morafe wa me ga re a siama. Nthapeleleng Morena. Ditumo tsa maru tsa Modimo le sefako le magadima di feta tekanyo. Ke tla lo lesa gore lo tsamae; ga nke ke tlhola ke lo dia.” Moše a mo raya a re: “E tla re ke sena go tswa mo motseng, ke tsholeletse mabogo kwa Moreneng; ditumo tsa maru di tla khutla, sefako se kgaotsa gore o tle o itse fa lefatshe e le la Morena. Mme ke itse gore wena le batlhanka ba gago ga lo ise lo boife Morena Modimo.” Letseta le garase tsa bo di sentswe; gonne garase e ne e tsetse le letseta le ne le thunya. Mme mabele le lebelebele tsa se ka tsa senngwa, ka e le dijwalo tsa morago. Jaanong ya re Moše a sena go tlogela Farao le go tswa mo motseng, a tsholeletsa mabogo kwa Moreneng, a rapela; mme ditumo tsa maru le sefako tsa khutla, pula e sa tlhole e tshologela mo lefatsheng. Mme ya re Farao a bona gore pula le sefako le ditumo tsa maru di khutlile, a leofela pele, a thatafatsa pelo ya gagwe, ene le batlhanka ba gagwe. Pelo ya ga Farao ya thatafala jalo, mme a se ka a lesa Baiseraele gore ba tsamae, jaaka Morena a ne a boleletse pele ka Moše. Morena a ba a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao; gonne ke thatafaditse pelo ya gagwe le dipelo tsa batlhanka ba gagwe gore ke dirafatse ditshupo tsa me tseo mo gare ga bone. Le gona o bolelele bana ba gago le bana ba bana ba gago ka fa ke bonaditseng thata ya me mo go Baegepeto ka teng le ditshupo tsa me tse ke di dirileng mo go bone gore lo tle lo itse, fa e le nna Morena.” Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Bahebere, o bua jaana a re: ‘O tla gana goleele go le kae go ikokobetsa fa pele ga me? Lesa morafe wa me, o ye go ntirela! Gonne fa o gana go naya morafe wa me tsela, ke tla tlisa tsie mo nageng ya gago kamoso. E tla khurumetsa lefatshe lotlhe, fa motho a tla beng a palelwe ke go bona mmu; e tla ja masalela a a setseng a lo a tlogeletsweng ke sefako, e ja ditlhare tsotlhe tse di lo ungwelang kwa nageng. E tla tlala mo matlong a gago le mo matlong a batlhanka botlhe ba gago le mo matlong a Baegepeto botlhe; e le tsie e borraago le borraago-mogolo ba iseng ba ke ba e bone, fa e sale ba nna mo lefatsheng go fitlha letsatsing la kajeno.’ ” Ke fa a retologa, a tswa, a tlogela Farao. Batlhanka ba ga Farao ba sala ba mo raya ba re: “Monna yo, o tla re isa mo tatlhegong goleele go le kae? Lesa batho bao ba direle Morena, Modimo wa bone! A ga o ise o lemoge gore Egepeto o tla wela mo tatlhegong?” Moše le Arone ba busediwa gape kwa go Farao, mme a ba raya a re: “Yaang lo direle Morena Modimo wa lona! Mme go tla tsamaya bomang?” Moše a araba a re: “Re tla tsamaya le bana ba rona le batsofe ba rona, re tsamaya le bomorwaa-rona le bomorwadia-rona, re na le matsomane a rona le metlhape ya rona; gonne ke moletlo wa Morena mo go rona.” Farao a ba raya a re: “A Morena a nne le lona, fa nka lo lesa go tsamaya, lona le bana ba lona! Itiseng, lo ikaeletse go dira bosula! Legoka! A go tsamae lona banna fela, lo direle Morena; gonne ke sona se lo se eleditseng.” Mme ba lelekwa fa pele ga Farao. Morena a raya Moše a re: “Tsholeletsa lefatshe la Egepeto letsogo gore tsie e tle mo go lone, e je dimela tsotlhe tsa lefatshe tse sefako se di sadisitseng.” Moše a tsholeletsa lefatshe la Egepeto thobane ya gagwe; ke fa Morena a fokisa phefo ya botlhabatsatsi mo lefatsheng ka letsatsi leo le bosigo jotlhe. Ya re bo sa, phefo ya botlhabatsatsi ya tlisa tsie. Tsie ya tlala ka lefatshe lotlhe la Egepeto, ya nna mo nageng yotlhe eo, e le segopa se segolo thata, se pele ga sona go iseng go ke go tle tsie e e kana ka yona; le gona morago ga sona ga e kitla e tlhola e tla gape e le kalo. Ya khurumetsa lefatshe lotlhe, mo lefatshe le se kang la tlhola le bonala; ya ja dimela tsotlhe tsa lefatshe le maungo otlhe a ditlhare tse di sadisitsweng ke sefako; ga se ka ga sala botala bope mo ditlhareng le mo go tse di medileng tsa naga mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone ka potlako a re: “Ke leofetse Morena, Modimo wa lona, le lona ke lo leofetse. Mme jaanong a ko lo itshwarele boleo jwa me gangwe fela e le la bofelo, lo rapele Morena Modimo wa lona gore a tlose loso loo mo go nna.” Jaanong Moše a tswa, a tlogela Farao, a rapela Morena. Mme Morena a sokolola phefo, a fokisa phefo e kgolo thata ya bophirimatsatsi; ya tsaya tsie, ya e latlhela kwa Lewatleng la Motlhaka, ga se ka ga sala tsie epe mo nageng yotlhe ya Egepeto. Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se lese Baiseraele go tsamaya. Morena a ba a raya Moše a re: “Tsholeletsa letsogo kwa godimo gore go nne lefifi mo lefatsheng la Egepeto le e keteng motho a ka le tshwara ka seatla.” Moše a tsholeletsa letsogo kwa godimo, ga nna lefifi le lentshontsho mo lefatsheng lotlhe la Egepeto malatsi a le mararo. Batho ba bo ba sa bonane; motho a se ka a nanoga fa a ntseng teng malatsi a le mararo. Mme Baiseraele bone ba ntse ba na le lesedi fa ba agileng teng. Jaanong Farao a bitsa Moše a re: “Yaang lo direle Morena. Fela dinku tsa lona le dikgomo tsa lona lo di tlogele. A bana ba lona ba tsamae le lona.” Moše a gana a re: “Tota le wena o tshwanetse go re naya diruiwa tsa ditlhabelo tsa tebogo le phiso gore di ye le rona, re tle re direle Morena, Modimo wa rona, ka tsona. Gape, diruiwa tsa rona le tsona di tshwanetse go ya le rona, go se ka ga sala le e seng e le nngwe fela. Gonne re tlhola mo go tsona tse re tla direlang Morena Modimo wa rona ka tsona. Kana rona ga re itse tse re tshwanetseng go direla Morena ka tsona, re ise re fitlhe teng.” Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao, a se ka a rata go ba naya tsela. Farao a mo raya a re: “Tsamaya o ntlogele, o itise gore o se ka wa bona sefatlhego sa me gape; gonne ka letsatsi le o bonang sefatlhego sa me ka lone, o tla swa.” Moše a araba a re: “O buile, go siame! Ga nkitla ke tlhola ke bona sefatlhego sa gago.” Jaanong Morena a raya Moše a re: “Ke tla tlisa petso e nngwe gape e ke tla watlhayang Farao le Baegepeto ka yona; morago ga moo o tla lo naya tsela gore lo tloge mono; e bile o tla lo leleka ka thata mogang a lo lesang go huduga gotlhe. A ko o bolele mo ditsebeng tsa morafe gore monna mongwe le mongwe a lope dilo tsa selefera le tsa gouta mo go yo o bapileng nae; le mosadi mongwe le mongwe a di lope jalo mo mosading yo o bapileng nae.” Mme Morena a naya morafe go bona bopelotlhomogi mo go Baegepeto. Le monna yoo, e bong Moše, a kaiwa mogolo thata ke batlhanka ba ga Farao le morafe otlhe. Moše a raya Farao a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Gare ga bosigo ke tla photlaphotla lefatshe la Egepeto. Mme go tla swa bana ba maitibolo botlhe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka morwa Farao wa ntlha yo o tla nnang mo sedulong sa gagwe sa bogosi, go ya ngwaneng wa ntlha wa lelata le le fa morago ga lelwala le maitibolo otlhe a diruiwa. Foo go tla nna selelo se segolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto se se iseng se ke se nne teng ka gope se le kalo, le gona se se se kitlang se tlhola se nna teng ka motlha ope se le kalo. Mme mo go Baiseraele botlhe ga go kitla go nna le ntšwa e e dumang, e bogola motho gongwe seruiwa gore lo itse, fa Morena a farologanya Baegepeto le Baiseraele.’ Foo batlhanka botlhe bao ba gago ba tla tla kwa go nna ka boikokobetso, ba nkhubamela ba re: ‘Huduga, wena le morafe otlhe o o go salang morago!’ Morago ga moo ke tla huduga.” Ke fa Moše a tswa, a tlogela Farao ka bogale jo bo tukang. Mme Morena a raya Moše a re: “Farao ga a kitla a lo utlwa, mme e le gore dikgakgamatso tsa me di ntsifale mo lefatsheng la Egepeto.” Moše le Arone ba ne ba dira dikgakgamatso tsotlhe tseo fa pele ga Farao, mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao mo a sa kgoneng go lesa Baiseraele go huduga mo lefatsheng la gagwe. Morena a ba a raya Moše le Arone mo lefatsheng la Egepeto a re: “A kgwedi eno e nne tshimologo ya dikgwedi mo go lona; a e nne ya ntlha ya dikgwedi tsa ngwaga mo go lona. Bolelelang phuthego yotlhe ya Baiseraele lo re: A mong wa lapa mongwe le mongwe a tsee kwanyana ka la lesome la kgwedi e. Kwana e nne nngwe fela mo lapeng. Mme fa ba lapa lengwe ba sa lekane go ka fetsa kwanyana yotlhe, foo a a e tsee mmogo le yo o bapileng nae yo o gaufi le ntlo ya gagwe ka fa palong ya batho; lo batlele kwanyana batho ba ba lekanyeng go ka e fetsa. Kwanyana a e nne e tonanyana e e itekanetseng ya ngwaga o le mongwe, lo e tsee mo dinkung gongwe mo dipoding. E tlhatlheleng go be go fitlhe letsatsi la 14 la kgwedi eno; foo bontsi jotlhe jwa phuthego ya Baiseraele ba e tlhabe mantsiboa ka lotlatlana. A ba tsee madi a yona, ba a tshase mo dintlheng tsoo pedi tsa mojako le mo mophakaregong mo matlong a ba e jelang mo go ona. Nama ya yona a ba e je bosigo joo e besitswe mo molelong; ba e je le dinkgwe tse di sa bedisiwang le merogo e e galakang. Lo se ka lwa e ja e le tala; le gona a e se ka ya apewa ka metsi, mme a e besiwe ka molelo, le tlhogo le memomo le mateng a yona mmogo. Lo se ka lwa sadisa sepe sa yona go ya mosong. Fa go setse sengwe sa yona, sa selwa, lo se fise ka molelo. E jeng jaana: Lo e je lo itlamile matheka, lo rwele ditlhako mo dinaong tsa lona, lo tshotse dithobane tsa lona ka mabogo; lo e je ka potlako. Ke yona Tlolaganyo ya Morena. “Gonne ke tla photlaphotla lefatshe la Egepeto bosigo joo, ke bolaya maitibolo otlhe a batho le a diruiwa mo lefatsheng la Egepeto. Ke tla dirafatsa katlholo le petso jalo mo medimong yotlhe ya Egepeto, nna Morena. Mme madi ao e tla nna sesupo sa lona mo matlong a lo leng mo go ona. Fa ke bona madi ao, ke tla lo feta gore kwatlhao e e bolayang e se ka ya lo wela, fa ke itaya lefatshe la Egepeto. Letsatsi leo a e nne la segopotso mo go lona, lo le tshegetse, e nne moletlo wa Morena; lo le tshegetse jalo mo ditsong tsotlhe tsa lona, e nne molao o o sa khutleng. “Lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa. Lo tlose letlhabego mo matlong a lona ka letsatsi la ntlha. Gonne mongwe le mongwe yo o jang dinkgwe tse di bedisitsweng go tloga letsatsing la ntlha go ya tsatsing la bosupa o tshwanetse go nyelediwa mo go Iseraele. Ka letsatsi la ntlha lo kgobokane go nna phuthego e e boitshepo, le ka letsatsi la bosupa lo dire jalo. A go se ka ga dirwa tiro epe ka malatsi ao. Fela se se jewang, ke sona fela lo ka se baakanyang. “Tshegetsang moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang; gonne ka lone letsatsi leo ke ntshitse mephato ya lona mo lefatsheng la Egepeto. Letsatsi leo lo le tshegetse mo ditsong tsotlhe tsa lona, e nne molao o o sa khutleng. Lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang ka mantsiboa a letsatsi la 14 la kgwedi ya ntlha go ya mantsiboeng a letsatsi la 21 la kgwedi yona eo. A go se ka ga fitlhelwa letlhabego mo matlong a lona ka malatsi a supang. Gonne mongwe le mongwe yo o tla jang dinkgwe tse di bedisitsweng ka ona o tshwanetse go nyelediwa mo phuthegong ya Iseraele, le fa e le moeng gongwe wa mo gae. Lo se ka lwa ja sepe se se bedisitsweng. Lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang fela gongwe le gongwe fa lo nnang teng.” Ke fa Moše a bitsa banna bagolo botlhe ba Iseraele, a ba raya a re: “Yaang lo tlhaolele lelapa lengwe le lengwe la lona kwanyana e le nngwe, lo tlhabe kwanyana ya Tlolaganyo. Gape tsayang ngatana ya mosiama, lo e ine mo mading a a mo mogopong, lo tshase mophakarego le dintlha tsoo pedi tsa mojako ka madi a a mo mogopong, mme a go se ka ga tswa motho ope wa lona ka mojako wa ntlo ya gagwe go fitlha mosong. Gonne Morena o tla photlaphotla lefatshe go bolaya Baegepeto, mme e tla re fa a bona madi a a mo mophakaregong le mo dintlheng tsoo pedi tsa mojako, a fete mojako oo, a se ke a dumelele mosenyi go ka tsena mo matlong a lona go lo bolaya. Tlhokomelang taelo e, a e nne molao o o sa khutleng mo go lona le mo baneng ba lona. Mme e re lo sena go fitlha mo lefatsheng le Morena o tla le lo nayang, jaaka a lo solofeditse, lo tshegetse tirelo e. Mme e ne e re fa bana ba lona ba lo botsa ba re: ‘Tirelo e ya lona ke ya eng?’ lo re: ‘Ke setlhabelo sa Tlolaganyo ya Morena yo o kileng a feta matlo a Baiseraele kwa Egepeto motlhang a bolayang Baegepeto, mme a rekegela matlo a rona.’ ” Ke fa batho ba inama, ba obamela Morena. Baiseraele ba ya ba dira jalo; ba dira ka fa Morena a laetseng Moše le Arone ka teng. Jaanong ya re gare ga bosigo Morena a bolaya maitibolo otlhe mo lefatsheng la Egepeto, a simolola ka ngwana wa ntlha wa ga Farao yo o tla nnang mo sedulong sa gagwe sa bogosi, a fetsa ka ngwana wa ntlha wa mogolegwi yo o mo ntlong ya kgolegelo le maitibolo otlhe a diruiwa. Ke fa Farao a tsoga bosigo, ene le batlhanka botlhe ba gagwe le Baegepeto botlhe; ga nna selelo se segolo mo Egepeto; gonne go ne go se ntlo epe e go seng moswi mo go yona. Mme a bitsa Moše le Arone bosigo, a ba raya a re: “Nanogang lo tswe mo morafeng wa me, lona le Baiseraele. Yaang lo direle Morena jaaka lo kopile. Le gona lo ye le dinku tsa lona le dikgomo tsa lona, jaaka lo buile. Le nna, lo ye lo nkopele tshegofatso.” Mme Baegepeto ba potlakisa morafe gore ba o ntshe mo lefatsheng ka pele; gonne ba re: “Re ka swa rotlhe.” Baiseraele ba tsaya bupe jo bo dubilweng jo bo iseng bo bedisiwe, bo le mo megopong e e dubelang, ba e sikara mo magetleng, e phuthetswe ka dikobo tsa bone. Le gona Baiseraele ba ne ba dirile, jaaka Moše a ba laetse: Ba lopile Baegepeto dilo tsa selefera le tsa gouta le diaparo. Mme Morena a naya batho tsalano mo Baegepetong, ba newa se ba se kopang. Ba thukhutha Baegepeto jalo. Baiseraele ba huduga jalo kwa Ramasese, ba ya kwa Sukothe; e ne e ka nna banna ba le 600 000 ba ba sepelang ka dinao, go sa balwe bana. Le makgoba a mantsi a bolola nabo le dinku le dikgomo le diruiwa tse dintsi thata. Jaanong ba besa dinkgwe tse di sa bedisiwang ka bupe jole jo bo dubilweng jo ba duleng najo kwa Egepeto; gonne bo ne bo sa bedisiwa, ka ba lelekwa mo Egepeto, ba sa kgone go diega. Le gona ba ne ba sa itirela mefago. Mme sebaka se Baiseraele ba neng ba le kwa Egepeto ka sona ke dinyaga di le 430. Ya re dinyaga tseo tse di 430 di sena go feta, mephato yotlhe ya Morena ya tswa mo lefatsheng la Egepeto ka lone letsatsi leo. E ne e le bosigo jwa go letela Morena gore a ba ntshe mo lefatsheng la Egepeto. Ke jona bosigo jwa Morena jo e leng jwa moletlo wa Baiseraele botlhe go ya ditshikatshikeng tsotlhe tsa bone. Le gona Morena a raya Moše le Arone a re: “Molao wa Tlolaganyo ke o: A e se ka ya jewa ke ope wa setšhaba se sele! Mme molala mongwe le mongwe, fa o sena go mo rupisa, o ka e ja. Fela moagi wa moeng le yo o direlang tuelo bone ba se ka ba e ja. A e jelwe mo ntlong e le nngwe. O se ka wa ntshetsa sepe sa nama ya yona kwa ntle ga ntlo. Lo se ka lwa roba lesapo lepe la yona. A phuthego yotlhe ya Iseraele e dire jalo. Jaanong fa moeng yo o go agetseng a rata go direla Morena Tlolaganyo, a banna botlhe le basimane ba lelapa la gagwe ba rupisiwe; morago ga moo a a atamele go e dira; a tshwane fela le wa mo gae. A e se ka ya jewa ke ope yo o sa rupang. Molao wa ngwana wa mo gae le wa yo o lo agetseng a e nne o le mongwe fela.” Baiseraele botlhe ba dira jalo; ba dira ka fa Morena a laetseng Moše le Arone ka teng. Morena o ne a ntsha Baiseraele jalo mo lefatsheng la Egepeto ka thulaganyo ya mephato ya bone ka lone letsatsi leo. Morena a ba a bua le Moše a re: “Ntlhaolele maitibolo otlhe; sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona, ke sa me mo bathong le mo diruiweng.” Mme Moše a raya morafe a re: “Gakologelwang letsatsi le lo duleng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone. Gonne Morena o lo ntshitse mono ka letsogo le le tiileng. Ka moo a go se ka ga jewa tse di bedisitsweng. Lo huduga kajeno mo kgweding ya Abibi. Mme e re fa Morena a sena go lo fitlhisa mo lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Bahewi le Bajebusi le o le ikanetseng borraeno a re, o tla le lo naya, e le lefatshe le le elang mašwi le dinotshe, foo lo tshware tirelo e ka kgwedi e. Lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang ka malatsi a supa; mme letsatsi la bosupa e nne la moletlo wa Morena. A go jewe dinkgwe tse di sa bedisiwang ka malatsi a supa. A go se ka ga bonwa tse di bedisitsweng mo go lona; le gona a go se ka ga bonwa letlhabego lepe mo lefatsheng lotlhe la lona. Lo bolelele bomorwa-lona ka letsatsi leo lo re: ‘Ke ka ntlha ya tsona tse Morena o di re diretseng jale fa re huduga kwa Egepeto.’ A moletlo o e nne sesupo sa lona mo diatleng tsa lona, le segopotso fa gare ga matlho a lona gore molao wa Morena o nne mo melomong ya lona; gonne Morena o lo ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata. Tshegetsang molao o ka sebaka sa ona ka ngwaga mongwe le mongwe. “Jaanong e re Morena a se na go lo fitlhisa mo lefatsheng la Bakanana jaaka a lo ikanetse le borraeno, le go le lo naya, lo neele Morena sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona. Ditsalwapele tsotlhe tsa diruiwa tse e leng tsa gago tse ditonanyana ke tsa Morena. Leitibolo lengwe le lengwe la esele lo le rekolole ka kwana; mme fa lo sa rate go le rekolola, lo le robe molala. Mme lo rekolole le maitibolo otlhe a batho, e bong bomorwaa-lona ba ntlha. Jaanong e re fa bomorwaa-lona ba lo botsa ka moso ba re: ‘Ke go reng?’ lo ba ree lo re: ‘Morena o re ntshitse ka letsogo le le tiileng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka. Gonne e rile Farao a le peloethata, a gana go re naya tsela, Morena a bolaya maitibolo otlhe mo lefatsheng la Egepeto, e bong a batho le a diruiwa. Ke ka moo re tlhabelang Morena maitibolo otlhe a tse di ditonanyana, mme re rekolola bomorwaa-rona ba ntlha botlhe. A mokgwa o e nne sesupo mo diatleng tsa lona le letshwao fa gare ga matlho a lona. Gonne Morena o re ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata.’ ” E rile Farao a sena go naya morafe tsela, Modimo wa se ka wa ba tlhamalaletsa kwa lefatsheng la Bafelesita, le fa tsela e e gaufi e le yona. Gonne Modimo o dirile jalo gore e se re gongwe fa batho ba bona tlhabano, ba ikwatlhaya, ba boela kwa Egepeto. Ke ka moo Modimo o neng wa faposetsa morafe tseleng e e yang kwa sekakeng kwa Lewatleng la Motlhaka. Baiseraele ba bolotse mo lefatsheng la Egepeto ba ipaakanyeditse tlhabano. Moše a huduga a rwele marapo a ga Josefa, gonne ene o ne a ikanisitse Baiseraele thata a re: “E re bofelong fa Modimo o lo ela tlhoko, lo tloge mono lo tshotse marapo a me.” Ba tloga kwa Sukothe, ba ya ba thibelela kwa Ethame kwa sekaka se simologang teng. Morena o ne a ba etelela pele ka pinagare ya leru motshegare go ba goga mo tseleng le ka pinagare ya molelo bosigo go ba bonegela gore ba itse go tswelela pele bosigo le motshegare. Pinagare ya leru e ne e sa tloge fa pele ga morafe motshegare le ya molelo e sa tlhokafale bosigo. Morena a laela Moše a re: “Bolelela Baiseraele gore ba fapoge tsela, ba thibelele ka fa ntle ga Phihagirothe fa gare ga Migetole le lewatle. Thibelelang fa lewatleng go lebagana le Baale-Sefone. Farao o tla raya morafe wa gagwe a re: ‘Baiseraele ba timetse mo nageng. Sekaka se ba thibetse.’ Mme ke tla thatafatsa pelo ya Farao gore a ba latele. Ke tla ikgalaletsa ka Farao le ka mephato yotlhe ya gagwe. Baegepeto ba tla lemoga jalo, fa ke le Morena.” Baiseraele ba dira jalo. Jaanong e rile kgosi ya Egepeto e begelwa gore morafe oo o tshabile, Farao le batlhanka ba gagwe ba tlhanoga, ba galefela morafe oo ba re: “Kana re dirileng, fa re lesitse Baiseraele ba tsamaya, mme ba tlogela go re direla.” Ke fa Farao a golega koloi ya ntwa ya gagwe, a tsamaya le batho ba gagwe. A tlhaola dikoloi tsa ntwa di le 600, a ba a tsaya dikoloi tsotlhe tsa ntwa tsa Egepeto, tsotlhe di palangwe ke bagale. Mme Morena o ne a foufaditse pelo ya Farao, kgosi ya Egepeto, gore a latele Baiseraele, a sa bone gore Baiseraele ba hudugile ka letsogo la Morena le le tsholetsegileng. Baegepeto ba ba latela – e le dipitse le dikoloi tsotlhe tsa ntwa tsa Farao le bapalami ba tsona le mephato yotlhe ya gagwe – ba ba tshwara ba thibeletse fa lewatleng kwa Phihagirothe gaufi le Baale-Sefone. Ya re Farao a atamela, Baiseraele ba tlhatlosa matlho, ba bona Baegepeto ba ba latetse. Ke fa ba tshwarwa ke poifo, ba goela Moreneng, ba raya Moše ba re: “A go ne go se na mabitla kwa Egepeto, fa o re huduseditse go tla go swela mo sekakeng? O ne o re ntshetsang kwa Egepeto? A ga re a go bolelela kwa Egepeto ra re: ‘Re lese re direle Baegepeto!’ Gonne go botoka mo go rona go direla Baegepeto bogolo go go swela mo sekakeng.” Mme Moše a raya morafe a re: “Se boifeng, emang lo tiile, lo tle lo bone pholoso ya Morena e o tla e lo direlang kajeno. Gonne Baegepeto ba lo ba bonang kajeno ba, ga lo kitla lo tlhola lo ba bona gape ka bosakhutleng. Morena o tla lo tlhabanela, mme lona lo didimale fela.” Morena a raya Moše a re: “O goelelang kwa go nna? Raya Baiseraele ba tsamaele pele. Mme wena o tsholetse thobane ya gago, o otlololele lewatle letsogo, o le kgaoganye gore Baiseraele ba tsene ba le tshele fa go omileng. Bona, ke tla thatafatsa dipelo tsa Baegepeto gore le bone ba tsene ba lo setse morago. Ke tla ikgalaletsa jalo ka Farao le ka mephato yotlhe ya gagwe le ka dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le ka bapalami ba tsona. Mme e tla re fa ke ikgalaletsa ka Farao le ka dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le ka bapalami ba tsona, ke gona Baegepeto ba tla lemogang gore ke nna Morena.” Ke fa moengele wa Modimo yo o etelelang mephato ya Baiseraele pele, a tloga a ya kwa morago ga bone; pinagare ya leru le yona ya tloga fa pele ga bone, ya ya ya ema fa morago ga bone. Ya tsena fa gare ga mephato ya Baegepeto le ya Baiseraele. Mme leru leo la bo le le lentsho ntlheng ya Baegepeto, le bonesa bosigo ntlheng ya Baiseraele. Ka moo ba palelwa ke go atamelana bosigo jotlhe. Jaanong Moše a otlololela lewatle letsogo, mme Morena a tlosa metsi a lewatle ka phefo e e thata ya botlhabatsatsi bosigo jotlhe, a fetola lewatle naga e e omileng, metsi a kgaogana. Mme Baiseraele ba tsena mo gare ga lewatle, ba le tshela fa go omileng. Metsi a nna jaaka dipota mo go bone mo ntlheng tsoo pedi. Baegepeto ba ba latela, ba tsena mo gare ga lewatle ba ba setse morago ka dipitse tsotlhe tsa ga Farao le dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le bapalami ba tsona. Ya re ka masa Morena a okomela mephato ya Baegepeto a le mo pinagareng ya molelo le ya leru, a raraanya mephato ya Baegepeto. A somola maotwana a dikoloi tsa ntwa tsa bone, a di tsamaisa ka bothata. Ke fa Baegepeto ba re: “A re tshabeng Baiseraele; gonne Morena o a ba tlhabanela, o tlhabana le rona Baegepeto.” Jaanong Morena a raya Moše a re: “Otlololela lewatle letsogo gore metsi a boe, a khurumetse Baegepeto le dikoloi tsa ntwa tsa bone le bapalami ba tsona.” Ya re Moše a otlololela lewatle letsogo, metsi a lewatle a boela mo mannong a ona ka mahube a moso, mme Baegepeto ba tshaba ba tlhabaganye nao. Morena a nwetsa Baegepeto jalo mo gare ga lewatle. Metsi a boa, a khurumetsa dikoloi tsa ntwa le bapalami le mephato yotlhe ya ga Farao ba ba neng ba tsenye mo lewatleng ba setse Baiseraele morago; ga se ka ga falola ope wa bone, le e seng a le mongwe fela. Mme Baiseraele ba ne ba tsamaile fa go omileng, fa ba tshela lewatle; metsi e ne e le lobota mo go bone mo ntlheng tsoo pedi. Ka letsatsi leo Morena o namoletse Baiseraele jalo mo diatleng tsa Baegepeto, mme Baiseraele ba bona ditoto tsa Baegepeto fa losing lwa lewatle. Jaanong ya re Baiseraele ba lemoga tiro e kgolo e Morena o e dirileng mo go Baegepeto, ba boifa Morena, ba dumela mo Moreneng le mo go Moše, motlhanka wa gagwe. Ka sebaka seo Moše le Baiseraele ba opelela Morena sefela, ke se, ba se tlhaba ba re: “A nke ke opelele Morena, gonne o mogolo thata. Dipitse o di latlhetse mo lewatleng le bapalami ba tsona. Morena ke thata ya me le sefela sa me; ene e ne e le thuso ya me. Ke ene Modimo wa me, ke tla mo tumisa; ke Modimo wa ga rre, ke tla mo godisa. Morena ke mogale tlhabanong; leina la gagwe ke Morena. O digetse dikoloi tsa ga Farao le mephato ya gagwe mo lewatleng; bagale ba ba tlhaotsweng ba gagwe o ba nweditse mo Lewatleng la Motlhaka. Dintelo di ba khurumeditse, ba fologela madibeng jaaka majwe. Morena, letsogo le le jang la gago le galaleditswe ka thata; Morena, letsogo le le jang la gago le tšhwetlakanya baba. Ba ba go tsogelang o ba diga ka borena jo bogolo jwa gago; o tukisa bogale jwa gago, bo ba ja jaaka dirite. Metsi a ne a kgobokanngwa ka pudulo ya dinko tsa gago, dintelo tsa ema jaaka lobota; madiba a thema mo gare ga lewatle. Mmaba a re: ‘Ke tla ba latela, ke ba tshwara, ke aba thopo, ke kgorisa keletso ya me ka bone; ke tla somola tšhaka, ke ba nyeletsa ka letsogo la me.’ Mme ya re o budula ka phefo ya gago, lewatle la ba khurumetsa; ba rôrômela mo metsing a magolo jaaka tshipi. Morena, ke mang mo medimong yo o tshwanang le wena? Ke mang yo o galaleditsweng ka boitshepo, yo o boitshegang ka ditiro tse di bokwang, yo o dirang dikgakgamatso jaaka wena? E rile o otlolola letsogo le le jang, lefatshe la ba metsa. Ka bopelotlhomogi jwa gago o gogile morafe o ò o rekolotseng, wa o isa kwa felong fa go boitshepo ga gago, ka thata ya gago. E rile merafe e utlwela jalo, ya roroma; metlotsedi ya tshwara baagi ba Felesita. Foo dikgosana tsa Etomo tsa tshoga, teteselo ya wela beng ba thata ba Moabe; baagi botlhe ba Kanana ba roroma. Poifo ya ba wela le therego, ba tlhoka puo jaaka lefika ka ntlha ya bogolo jwa letsogo la gago; go fitlhelela morafe wa gago o fete, Morena; go fitlhelela morafe o ò o rekolotseng o fete. O tla ba fitlhisa, o ba baya mo thabeng e e leng ya gago, Morena, mo felong fa o go ipaakanyeditseng go nna gona; mo felong fa go boitshepo, fa go etleeditsweng ke diatla tsa gago, Morena. Morena o tla busa ka gale le ka bosakhutleng.” Gonne go tsenye dipitse tsa ga Farao le dikoloi tsa gagwe le bapalami ba tsona mo lewatleng, mme Morena a busa metsi a lewatle; ona a ba khurumetsa. Mme Baiseraele ba tsamaya fa go omeletseng, fa ba tshela lewatle. Le Miriame, moporofeti wa sesadi, kgaitsadia Arone, a tsaya moropana ka letsogo; basadi botlhe ba tswa, ba mo sala morago ba tshotse meropana, ba ntse ba bina. Mme Miriame a ba tlhabela sefela a re: “A re bakeng Morena, gonne o mogolo thata. O digetse dipitse le bapalami ba tsona mo lewatleng.” Jaanong Moše a tsweletsa Baiseraele pele, ba tloga kwa Lewatleng la Motlhaka ba ya kwa sekakeng sa Sure; ba sepela malatsi a le mararo ba sa bone metsi. Ya re ba fitlha kwa Mara, ba palelwa ke go nwa metsi a teng; gonne a ne a galaka. Ke ka moo leina la felo foo go tweng Mara. Mme batho ba ngongoregela Moše ba re: “Re tla nwa eng?” Jaanong ya re ene a goela kwa Moreneng, Morena a mo supetsa setlhatshana sengwe; ya re a sena go se latlhela mo metsing, metsi a nna monate. Gona foo a ba beela melao le dikaelo, foo a ba leka a re: “Fa ò utlwa lentswe la Morena Modimo wa gago ka boikanyo, o dira tse di siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, o tshegetsa melao yotlhe ya gagwe, ga nkitla ke go bolaisa bolwetse bope jo ke watlhaileng Baegepeto ka jona. Gonne nna Morena ke tla nna ngaka ya gago.” Morago ga moo ba fitlha kwa Elime, fa go neng go le metswedi e le 12 le ditlhare tsa mekolane di le 70. Ba thibelela teng fa metsing. Ba tloga kwa Elime, mme morafe otlhe wa Baiseraele wa fitlha kwa sekakeng sa Sine se se fa gare ga Elime le Sinai ka letsatsi la 15 la kgwedi ya bobedi, ba sena go huduga mo lefatsheng la Egepeto. Ke fa morafe otlhe wa Baiseraele o ngongoregela Moše le Arone mo sekakeng. Baiseraele ba ba raya ba re: “Ao! Bogolo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto ka seatla sa Morena metlheng ele fa re sa ntse re le fa dipitseng tsa dinama, re ja bogobe, re kgora. Jaanong lo re tsisitse kwano mo sekakeng se gore lo bolae morafe otlhe o ka tlala.” Ke fa Morena a raya Moše a re: “Bona, ke tla lo nesetsa bogobe jo bo tswang kwa legodimong, mme a batho ba tswe go sela jo bo lekanyeng letsatsi le le lengwe ka malatsi otlhe gore ke ba leke, ke bone gore a ba tla sepela ka fa molaong wa me gongwe nnyaya. Fa ba baakanya jo ba bo selang ka letsatsi la borataro, bo tla lekana malatsi a le mabedi.” Jaanong Moše le Arone ba raya Baiseraele botlhe ba re: “Maitsiboa a kajeno lo tla lemoga gore ke Morena yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto. Kamoso lo tla tsoga lo bona kgalalelo ya Morena. Gonne o utlwile dingongorego tsa lona tsa go mo ngongoregela. Kana rona re eng, fa lo ngongoregela rona?” Moše a ba a re: “Go tla dirafala jalo, fa Morena a lo naya nama maitsiboa gore lo je, le bogobe mo mosong gore lo kgore. Gonne Morena o utlwile dingongorego tsa lona tse lo mo ngongoregetseng ka tsona. Rona re eng? Ga lo ngongoregele rona, lo ngongoregela Morena.” Jaanong Moše a laela Arone a re: “Raya morafe otlhe wa Iseraele o re: ‘Atamelang fa pele ga Morena! Gonne o utlwile dingongorego tsa lona.’ ” Ya re Arone a bua jalo le morafe otlhe wa Baiseraele, bone ba leba kwa sekakeng, ba bona kgalalelo ya Morena e bonala mo lerung. Mme Morena a raya Moše a re: “Ke utlwile dingongorego tsa Baiseraele. Ba ree o re: ‘Maitsiboa lo tla ja nama, kamoso lo tla tsoga lo kgora bogobe. Lo tla lemoga jalo, fa ke le Morena, Modimo wa lona.’ ” Ya re maitsiboa ga tla maphurrwana, a tlalatlala mo bothibelelong. Mo mosong monyo wa bo o koame mo tikologong ya bothibelelo. Ya re monyo o sena go phaphalala, ba fitlhela go tletsetletse fa fatshe go le dipapetlana jaaka kgogotshwane. Fa Baiseraele ba di bona, ba botsana ba re: “Dilo tse ke eng?” Gonne ba ne ba sa di itse. Moše a ba araba a re: “Ke jona bogobe jo Morena o bo lo nayang go nna dijo tsa lona. Jaanong se Morena o se laolang ka ga tsona ke se: ‘Di seleng, mongwe le mongwe ka fa a ka jang ka teng; e bong gomere e le nngwe ka fa palong ya batho ba lona. Mongwe le mongwe a selele ba lapa la gagwe.’ ” Baiseraele ba dira jalo, mongwe a sela tse dintsi, yo mongwe go le gonnye. Mme ya re ba di lekanya ka gomere, ba fitlhela yo o phuthileng tse dintsi a se ka a fetisa selekanyo, le yo o sedileng go le gonnye a se ka a tlhaetsa: Mongwe le mongwe a sedile ka fa a ka kgorang ka teng. Ke fa Moše a ba raya a re: “A go se nne ope yo o sadisetsang letsatsi la kamoso.” Mme ba se ka ba reetsa Moše. Banna bangwe ba di bolokela kamoso, mme tsa tswa diboko, tsa nkga. Ke fa Moše a ba omanya thata. Ba di sela mo mesong yotlhe, mongwe le mongwe ka fa a ka jang ka teng. E ne ya re fa letsatsi le fisa, di gakologe. Mme ka letsatsi la borataro ba sela dijo tsa malatsi a le mabedi, e bong dikgamelo di le pedi, tlhogo ya motho. Ke fa bagolo botlhe ba morafe ba tla, ba begela Moše jalo. Ene a ba raya a re: “Se Morena o se buileng ke se: ‘Kamoso ke la go ikhutsa, ke Sabata yo o boitshepo wa Morena. Tse lo ratang go di besa di beseng; tse lo ratang go di apaya di apeyeng. Lo ipolokele tsotlhe tse di setseng, lo di sadisetse kamoso.’ ” Ba di bolokela kamoso jaaka Moše a ba laetse, mme tsa se ka tsa nkga le e seng go tlala diboko. Moše a ba raya a re: “Di jeng kajeno, gonne kajeno ke Sabata wa Morena. Kajeno ga lo kitla lo di fitlhela kwa nageng. Lo ka di sela ka malatsi a marataro. Mme ka letsatsi la bosupa ke Sabata. Di tla bo di se yo ka lone.” Mme bangwe ba morafe ba tswa ka letsatsi la bosupa, ba re ba sela, mme ba se ka ba bona sepe. Ke fa Morena a raya Moše a re: “Lo tla gana goleele go le kae go tshegetsa ditaolo tsa me le melao ya me? Bonang, e re ka Morena a lo file Sabata, ke ka moo a lo nayang dijo tsa malatsi a le mabedi ka letsatsi la borataro. A mongwe le mongwe a nne mo gae, mme a go se nne ope yo o tlogang mo felong ga gagwe ka letsatsi la bosupa.” Morafe wa ikhutsa jalo ka letsatsi la bosupa. Dijo tseo Baiseraele ba ne ba di bitsa Mmana. Tsa bo di tshwana le peo ya koriantere di le ditshweu; moutlwalo wa tsona o tshwana le wa dinkgwe tse di nang le mafura a dinotshe. Gape Moše a re: “Se Morena o se laotseng ke se: ‘A kgamelo e e tletseng Mmana e bolokelwe ditso tsa lona tse di tla tlang gore ba bone dijo tse ke di lo jesitseng mo sekakeng, fa ke lo ntsha mo lefatsheng la Egepeto.’ ” Mme Moše a raya Arone a re: “Tsaya sejana, o tshele Mmana o tletse kgamelo mo go sona, o se beye fa pele ga Morena gore Mmana o bolokelwe ditso tsa lona tse di tla tlang.” Arone a o baya fa pele ga Letlole la Bosupi gore o bolokwe jaaka Morena a laetse Moše. Baiseraele ba ne ba ja Mmana dinyaga di le 40, ga tsamaya ba fitlha mo lefatsheng le batho ba agileng mo go lone; ba ja Mmana go fitlha fa molelwaneng wa lefatshe la Kanana. Gomere ke karolo ya lesome ya seelo sa efa. Jaanong morafe otlhe wa Baiseraele wa tloga kwa sekakeng sa Sine, wa tsamaya o thibelela ka fa taolong ya Morena go ya go fitlha kwa Rafidime. Ba feta ba tlhoka metsi a a nowang. Mme morafe wa lwa le Moše wa re: “Re fe metsi re nwe.” Mme Moše a ba raya a re: “Lo lwelang le nna? Ke ka ntlha ya eng fa lo leka Morena?” Batho ba nyorelwa metsi gona; batho ba ngongoregela Moše ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o re ntshitse kwa Egepeto gore o re bolae le bana ba rona le diruiwa tsa rona ka lenyora?” Mme Moše a goela Moreneng a re: “Nka dira eng ka batho ba? Ba setse ba le gaufi le go nkgobotletsa ka majwe.” Morena a raya Moše a re: “Fetela kwa pele ga morafe, o ye le bangwe ba bagolo ba Baiseraele, o tshotse thobane ya gago e o ne wa itaya noka ka yona, o sepele. Bona, ke tla ema fa pele ga gago teng mo Horebe fa lefikeng. E tla re fa o itaya lefika, le tswe metsi gore morafe o nwe.” Moše a dira jalo fa pele ga bagolo ba Baiseraele. Felo foo a go taya leina la Masa le Meriba; gonne Baiseraele ba ne ba lole, ba leka Morena ba re: “A Morena o teng mo gare ga rona gongwe nnyaya?” E rile ba le kwa Rafidime, Baamaleke ba tla, ba tlhabana le Baiseraele. Ke fa Moše a laela Jošua a re: “Re tlhaolele banna, o tsoge o bolole kamoso, o tlhabane le Baamaleke. Nna ke tla ema mo setlhoeng sa thabana ke tshotse thobane ya Modimo ka letsogo.” Jošua a dira ka fa Moše a mo laetseng ka teng, a bolola go tlhabana le Baamaleke. Mme Moše le Arone le Hure ba tlhatlogela kwa setlhoeng sa thabana. E ne ya re fa Moše a tsholetsa mabogo, Baiseraele ba fenye; mme fa a diga mabogo, go fenye Baamaleke. Mme Moše a simolola go lapa mabogo, a nna bokete. Jaanong ba tsaya lentswe, ba le baya ka fa tlase ga gagwe, a nna mo go lone; Arone le Hure ba ntse ba tshegeditse mabogo a gagwe, mongwe ka fa le yo mongwe ka fa; ba tiisa mabogo a gagwe jalo, ga tsamaya letsatsi la phirima. Jošua a fenya Amaleke le batho ba gagwe ka bogale jwa tšhaka. Ke fa Morena a raya Moše a re: “Tseo di kwale mo lokwalong gore di se lebalwe, o di tsenye mo tsebeng tsa ga Jošua go re: Ruri, ke tla tlosa go gopola Amaleke gotlhe fa tlase ga letsatsi.” Moše a aga aletare, a e taya leina le le reng: “Morena ke sefoka sa me.” A ba a re: “A seatla se tshware sefoka sa Morena; Morena o tla lwa le Baamaleke go tswa losikeng go ya losikeng.” Jetoro moperesiti wa kwa Midiane, mogwagwadia Moše, o ne a utlwetse dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše le Baiseraele morafe wa ona le gore Morena o ntshitse Baiseraele mo Egepeto. Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tsaya Siphora, mosadi wa ga Moše, yo a neng a mmuseditse kwa ga gabo le bomorwawe ba babedi; leina la mongwe e ne e le Geresome, gonne o ne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.” Leina la yo mongwe e ne e le Eliesere; gonne o ne a re: “Modimo wa ga rre ke thuso ya me, o mpholositse mo tšhakeng ya ga Farao.” Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tla kwa go Moše a na le mosadi wa ga Moše le bomorwawe; a tla kwa sekakeng kwa Moše a neng a thibeletse teng kwa thabeng ya Modimo. A itsise Moše a re: “Nna Jetoro mogwagwadiago ke tla koo go wena, ke na le mosadi wa gago le bomorwao ba babedi ba na nae.” Ke fa Moše a tswa go kgatlhantsha mogwagwadiagwe, a inama fa pele ga gagwe, a mo atla; mme ya re ba sena go botsana bophelo, ba tsena mo tenteng. Moše a bolelela mogwagwadiagwe tsotlhe tse Morena o di diretseng Farao le Baegepeto ka ntlha ya Baiseraele le tlalelo yotlhe e e ba wetseng mo tseleng le ka fa Morena a ba namoletseng ka teng. Mme Jetoro a itumelela tse di molemo tsotlhe tse Morena o di diretseng Baiseraele, fa a ba golola mo diatleng tsa Baegepeto. Jetoro a boka a re: “A go bakwe Morena yo o lo golotseng mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa ga Farao; yo o namoletseng morafe o mo kgatelelong ya Baegepeto! Jaanong ke lemogile gore Morena o mogolo bogolo go medimo yotlhe; dilo tse Baegepeto ba di diretseng Baiseraele ka boikgantsho di digetse Baegepeto mo tatlhegong.” Morago ga moo Jetoro, mogwagwadia Moše, a ntshetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa tebogo; ga tla Arone le bagolo botlhe ba Baiseraele go ja dijo le mogwagwadia Moše fa pele ga Modimo. Ka letsatsi la ka moso Moše a nna mo lekgotleng go atlhola batho. Batho ba bo ba dikanyeditse Moše go tswa mosong go fitlha maitsiboeng. E rile mogwagwadia Moše a bona tsotlhe tse a di direlang morafe, a botsa a re: “Ke go reng, fa o direla morafe ka mokgwa o? O nnelang o le nosi, mme morafe otlhe o tlhola o eme fa go wena go tswa mosong go ya mantsiboeng?” Moše a araba mogwagwadiagwe a re: “Ke ka go re batho ba tla kwa go nna go botsa Modimo. E a re fa ba na le kgang, ba tle kwa go nna gore ke seke kgang ya motho le mongwe-ka-ene, ke be ke ba itsise ditaelo tsa Modimo le melao ya ona.” Mogwagwadia Moše a mo fetola a re: “Tse o di dirang ga di a siama. O tla fela thata wena le batho bao ba o nang nabo; gonne tiro e e ntseng jalo e a go palela; ga o kgone go e dira o le wesi. Jaanong utlwa mafoko a me, ke tla go gakolola, mme Modimo o tla nna nao. Wena o emele morafe fa pele ga Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong; o ba tlhalosetse ditaolo le melao, o ba itsise tsela e ba tshwanetseng go sepela mo go yona le tiro e ba tshwanetseng go e dira. Mme o itlhophele banna ba ba nonofileng mo morafeng otlhe ba ba boifang Modimo, banna ba nnete, ba ba ilang kgwebo ya tshiamololo, o ba dire baokamedi ba morafe; bangwe e nne ba ba okamelang ba le sekete, ba bangwe ba okamele lekgolo, ba bangwe 50, ba bangwe lesome gore bone ba seke batho ka metlha yotlhe. A ba tlise mafoko a magolo otlhe kwa go wena, mme a ba atlhole mafoko otlhe a mabotlana ka bosi. Fokotsa tiro ya gago jalo, mme a ba go rwadise. Fa o ka dira jalo, e le ka fa thatong ya Modimo, o tla kgona go itshoka; le gona batho botlhe ba, ba tla boela kwa gae ka kagiso.” Moše a utlwa mafoko a ga mogwagwadiagwe, a dira tsotlhe tse a di buileng. Moše a tlhopha banna ba ba nonofileng mo Baiseraeleng botlhe, a ba dira ditlhogo tsa morafe, ya nna baokamedi ba dikete le baokamedi ba makgolo le baokamedi ba 50 le baokamedi ba masome. Bone ba seka morafe ka metlha yotlhe. Mafoko a a thata ba a isa kwa go Moše, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhola ka bosi. Jaanong Moše a naya mogwagwadiagwe tsela, mme a boela kwa lefatsheng la ga gabo. E rile ka kgwedi ya boraro, Baiseraele ba fitlha kwa sekakeng sa Sinai ka letsatsi la kgwedi le ba hudugileng mo lefatsheng la Egepeto ka lone. Ba ne ba tlogile kwa Rafidime, ba fitlha sekakeng sa Sinai, ba thibelela mo sekakeng. Baiseraele ba thibelela gona go lebagana le thaba. Moše a tlhatlogela kwa Modimong, mme Morena a mmitsa a le mo thabeng a re: “Bua jaana le Bajakobe, o ree Baiseraele o re: ‘Lo bonye ka nosi tse ke di diretseng Baegepeto, mme lona ka lo belega ka diphuka tsa bontswi, ka lo tlisa go nna. Jaanong fa lo utlwa se ke se lo bolelelang, lo se dira, lo tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tla nna ba me go feta merafe yotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me. Mme lona lo tla nna morafe wa me wa baperesiti le setšhaba se se boitshepo.’ Ke ona mafoko a o tla a bolelelang Baiseraele.” Moše a tla, a bitsa bagolo ba morafe, a ba begela mafoko aotlhe ao a Morena o a mo laetseng. Morafe otlhe wa araba mmogo wa re: “Tsotlhe tse Morena o di buileng re tla di dira.” Moše a busetsa Morena karabo ya morafe. Morena a raya Moše a re: “Bona, ke tla tla koo go wena ke le mo lerung le le kimakima gore morafe o nkutlwe ke bua le wena, mme ba go dumele ka bosakhutleng.” Moše a begela Morena mafoko a morafe. Morena a laela Moše a re: “Yaa kwa morafeng, o ba itshepise kajeno le kamoso; a ba tlhatswe diaparo tsa bone. A ba etleetsegele letsatsi la boraro. Gonne ka letsatsi la boraro Morena o tla fologela mo thabeng ya Sinai fa pele ga matlho a morafe otlhe. Le gona beela morafe molelwane mo tikologong ya thaba, o ba ree o re: ‘Itiseng gore lo se palame mo thabeng, le e seng go e ama kwa tlase. Mongwe le mongwe yo o amang thaba e o tshwanetse go bolawa. A e se ka ya amiwa ka diatla, gonne yo o e amang o tshwanetse go kgobotlediwa ka majwe gongwe go thuntshiwa ka metswi. Le fa e le seruiwa, a se bolawe, gongwe motho a a se ka a phela! Mme fa lonaka lo lela sebaka, ba ka tlhatlogela mo thabeng.’ ” Moše a fologa mo thabeng, a tla kwa morafeng, a itshepisa morafe, mme ba tlhatswa diaparo tsa bone. A raya morafe a re: “Iketleeletseng letsatsi la boraro. Se atameleng mosadi!” Jaanong e rile bo sa ka letsatsi la boraro, ga nna ditumo tsa maru le dikgadima le maru a mantsho mo godimo ga thaba; le gona lonaka lwa kgelebetega ka thata e kgolo. Ke fa morafe otlhe o o mo bothibelelong o tshoga. Jaanong Moše a ntsha morafe mo bothibelelong gore o kgatlhantshe Modimo; ba ya ba ema fa tlase ga thaba. Thaba yotlhe ya Sinai ya kua musi ka gore Morena o ne a fologela mo go yona a le mo molelong; musi wa yona wa tlhatloga jaaka musi wa leiso. Mme thaba yotlhe ya roroma thata. Go kgelebetega ga lonaka ga nna ga golela kwa godimo. Moše a bua, mme Modimo wa mo fetola ka kodu. E rile Morena a sena go fologela mo setlhoeng sa thaba ya Sinai Morena a biletsa Moše teng, mme Moše a tlhatloga. Morena a raya Moše a re: “Fologa o laele morafe, e se re gongwe ba sutlhela kwa Moreneng go leba, ba tloga ba swa ka bontsi. Le gona a baperesiti ba ba atamelang Morena ba itshole bophepa, e se re gongwe Morena a ba tlhasela a gaketse.” Mme Moše a raya Morena a re: “Morafe o palelwa ke go tlhatlogela mo thabeng ya Sinai; gonne o re laetse thata ka wesi wa re: ‘Agelela thaba ka logora, o e itshepise.’ ” Morena a mo fetola a re: “Tsamaya o fologe, mme o boe o tlhatloge gape o na le Arone; mme a baperesiti le morafe ba se ka ba sutlha go tlhatlogela kwa Moreneng, e se re gongwe a ba tlhasela a gaketse.” Moše a fologela kwa bathong, a ba bolelela. Ya baa gona Modimo o buang mafoko aotlhe a, wa re: “Ke nna Morena Modimo wa gago yo ke go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka. “O se nne le medimo epe e sele kwa ntle ga me. “O se ka wa itirela modimo wa seseto, le fa e le setshwantsho sepe sa tse di kwa godimo mo legodimong, le fa e le sa tse di mo lefatsheng, gongwe sa tse di mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa e obamela le e seng go e direla. Gonne nna Morena, Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, o ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo go ya losikeng lwa boraro le lwa bone lwa bona ba ba ntlhoang. Mme ba tshika di le dikete ba ba nthatang le go tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba direla ka bopelotlhomogi. “O se ka wa bolela leina la Morena, Modimo wa gago, mo go sa tshwanelang; gonne yo o bolelang leina la gagwe mo go sa tshwanelang, Morena ga a kitla a mo lesa a sa mo otle. “Gakologelwa letsatsi la Sabata, o le itshepise. Dira ka malatsi a marataro, o fetse tiro yotlhe ya gago; mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa Morena, Modimo wa gago. Se dire tiro epe ka lone, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le seruiwa sa gago le moeng wa gago yo o mo dikgorong tsa gago. Ka gonne Morena o dirile legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona ka malatsi a le marataro, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa. Ke ka moo Morena a tshegofaditseng letsatsi la Sabata, a le itshepisa. “Tlotla rraago le mmaago gore malatsi a gago a nne mantsi mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang. “O se ka wa bolaya. “O se ka wa akafala. “O se ka wa utswa. “O se ka wa bua maaka ka ga mongwe-ka-wena. “O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe-ka-wena. O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe-ka-wena, le e seng motlhanka wa gagwe, le e seng lelata la gagwe, le e seng kgomo ya gagwe, le e seng esele ya gagwe, le e seng sepe se e leng sa mongwe-ka-wena.” Jaanong e rile batho botlhe ba utlwa ditumo tsa maru le go kgelebetega ga lonaka, e bile ba bona dikgadima le thaba e kua musi, batho ba boifa, ba roroma, ba emela kgakala. Ba raya Moše ba re: “A e nne wena o buang le rona, re tla utlwa; mme a Modimo o se ka wa bua le rona, e se re gongwe ra swa.” Mme Moše a raya morafe a re: “Se boifeng, gonne Modimo o tlile go lo leka gore lo nne lo o boife ka metlha, mme lo se ka lwa leofa.” Mme morafe wa emela kgakala, Moše ene a atamela leru le le kwenneng le Modimo o neng o le mo go lone. Ke fa Morena a laela Moše a re: “Bua jaana le Baiseraele o re: ‘Lo bonye ka losi, fa ke bua le lona ke le kwa legodimong. Lo se ka lwa kaya sepe jaaka nna; lo se ka lwa itirela medimo ya selefera gongwe ya gouta. O ntirele aletare ya mmu, o ntlhabele ditlhabelo tsa gago tsa phiso le ditlhabelo tsa gago tsa tebogo le dinku tsa gago le dikgomo tsa gago mo go yona. Ke tla tla kwa go wena, ke go tshegofatsa mo felong gongwe le gongwe kwa ke go gopodisang leina la me teng. Mme fa o ntirela aletare ya matlapa, o se ka wa e aga ka majwe a a betlilweng. Gonne fa o kgadikanya sediri sa tshipi sa gago godimo ga ona, o a itshepolola. Le gona o se ka wa palamela kwa aletareng ya me ka mapalamo gore bosaikatega jwa gago bo se ka jwa senolwa fa pele ga yona.’ “Ditaelo tse o tla di ba begelang ke tse: Fa o reka lekgoba la Mohebere, a le go direle dinyaga di le thataro, mme ka ngwaga wa bosupa a le gololwe le tsamae, le sa ithekolole ka sepe. Fa le tlile le le losi a le gololwe le le losi; fa le tlile le mosadi, a le gololwe le mosadi wa lone. Mme fa morena wa lone a le naya mosadi yo o le belegelang bomorwa gongwe bomorwadi, mosadi yoo le bana ba gagwe ke ba morena wa lone. Monna a gololwe a le esi fela. Mme fa lekgoba le bolela ka pelotshweu le re: ‘Ke rata morena wa me le mosadi wa me le bana ba me, ga ke rate go gololwa ka tsamaya,’ foo morena wa lone a a le tlise fa pele ga baatlhodi, a le atametse lobati gongwe kota ya lone, mme morena wa lone a a le phunye tsebe ka thoko, e le gore le nne lekgoba la gagwe ka metlha yotlhe. “Mme fa motho a rekisa morwadie gore a nne lekgoba, lone le se ka la gololwa jaaka lekgoba la monna. Fa le sa kgatlhe morena wa lone ntlheng ya bosadi, a a le lese le rekololwe. Mme ga a na thata go le rekisa mo morafeng o sele, gonne o le diretse ka boikanyologo. Mme fa a le tseela morwawe, a a le direle tse di tshwanetseng bomorwadia motho. Fa a tsaya mosadi yo mongwe, a se ka a fokotsa dijo tsa lone le diaparo tsa lone le tshwanelo ya lone ya nyalo. Fa a sa le direle dilo tse tharo tse, a le gololwe fela, le sa lefelwe sepe. “Yo o itayang motho gore a be a swe, o tshwanetse go bolawa. Mme fa a sa dira ka bomo, mme Modimo o iteisa seatla sa gagwe, foo ke tla go bontsha felo kwa a ka tshabelang teng. Mme fa monna a tlhasela mongwe-ka-ene ka bomo gore a mmolae ka bolotsana, ene lo mo tlose, le fa a le fa aletareng ya me gore a swe. “Yo o itayang rraagwe gongwe mmaagwe, a a bolawe. “Yo o utswang motho, a mo rekisa gongwe a fitlhelwa a mo tshotse, o tshwanetse go bolawa. “Yo o hutsang rraagwe gongwe mmaagwe o tshwanetse go bolawa. “Fa banna ba lwa, mme mongwe a itaya yo mongwe ka lentswe gongwe ka letswele, mme e se mo a ka swang, mme a robala a ikoka. Jaanong fa a tsoga gape, a itsamaela kwa ntle ka thobane ya gagwe, foo yo o mo iteileng a se ka a otlwa; fela a mo lefele ditshenyegelo tsa go lwala ga gagwe le dikalafo go ya a be a fole. “Fa monna a itaya motlhanka wa gagwe gongwe lelata la gagwe ka thobane gore a be a swele mo diatleng tsa gagwe, o tshwanetse go bediwa. Fela fa moitewa a phela letsatsi gongwe malatsi a le mabedi, foo a se ka a bediwa, ka a mo rekile. “Fa banna ba lwa, mme ba thula mosadi yo moimana, mme a senyegelwa go se na bogole jo bongwe, moitei o tshwanetse go lefisiwa ka fa monna wa mosadi yoo a mo lefisang ka teng. Go lefiwe fa pele ga baatlhodi. Mme fa a dirafalelwa ke bogole jo bongwe, o tshwanetse go lefela bophelo ka bophelo le leitlho ka leitlho le leino ka leino le seatla ka seatla le lekoto ka lekoto le phiso ka phiso le ntho ka ntho le letsadi ka letsadi. “Fa monna a itaya motlhanka wa gagwe gongwe lelata la gagwe mo leitlhong, a le senya, a a mo lese a tsamae, a mo golole ka ntlha ya leitlho la gagwe. Gongwe fa a kgola motlhanka wa gagwe gongwe lelata la gagwe leino, a a mo lese a tsamae, a mo golole ka ntlha ya leino la gagwe. “Fa kgomo e tlhaba monna gongwe mosadi gore a be a swe, foo kgomo e tshwanetse go kgobotlediwa ka majwe, nama ya yona e se ka ya jewa, mme mong wa yona ga a bediwe. Mme fa e le kgomo e e sa bolong go tlhaba, mme mong wa yona a ntse a begelwa, mme a sa e dise, fa yona e bolaya monna gongwe mosadi, gona kgomo eo e kgobotlediwe, mme mong wa yona le ene a bolawe. Fa a lefisiwa madi a boitshwarelo, a a lefe tsotlhe tse a di lefisiwang gore a rekolole bophelo jwa gagwe. Le fa e tlhaba mosimane gongwe e tlhaba mosetsana, a mong wa yona a direlwe ka fa molaong o. Fa kgomo eo e tlhaba motlhanka gongwe lelata, mong wa yona o tshwanetse go ntshetsa morena wa gagwe selefera ya dišekele di le 30, mme kgomo eo e kgobotlediwe ka majwe. “Fa monna a khurumolola sediba gongwe fa monna a epile sediba, a sa se khurumele, mme go wela kgomo gongwe esele mo go sona, mong wa sediba a a e lefe ka selefera, a e busetse mong wa yona jalo, mme setoto e nne sa gagwe. Fa kgomo ya motho e tlhaba kgomo ya mongwe-ka-ene, e be e swa, foo a ba rekise kgomo e e phelang, ba kgaogane tlhwatlhwa ya yona; le e e suleng ba e kgaogane. Gongwe fa go itsiwe gore kgomo ga e bolo go tlhaba, mme mong wa yona a sa e dise, foo o tshwanetse go lefa kgomo ka kgomo, mme e e suleng e nne ya gagwe. “Fa monna a utswa kgomo gongwe nku, a e tlhaba gongwe a e rekisa, foo a a lefe kgomo eo ka dikgomo di le tlhano le nku eo ka dinku di le nne. Fa legodu le bonwa le phunya ntlo le itewa, le be le swa, moitei ga a na molato wa polao. Fa letsatsi le setse le le tlhabetse, foo ke molato wa polao. Legodu le tshwanetse go lefa; fa le se na sepe, a le rekisiwe ka ntlha ya bogodu jwa lone. Fa se le se utswitseng se fitlhelwa mo diatleng tsa lone se sa phela, le fa e le kgomo gongwe esele kampo nku, foo a le lefe ka tse pedi. “Fa monna a fudisa mo tshimong gongwe mo tshimong ya moweine, mme a lesa diruiwa tsa gagwe di itaola ka go fula mo tshimong ya yo mongwe, foo a a lefe ka tse dintle tsa tshimo ya gagwe le ka tse dintle tsa tshimo ya moweine ya gagwe. “Fa molelo o ka fetela pele, wa fisa matlhaku, ga šwa mabele a a kgobokantsweng gongwe a a mo letlhakeng gongwe naga, foo yo o tshubileng molelo o tshwanetse go lefa tshenyo yotlhe. “Fa monna a neela mongwe-ka-ene madi gongwe dithoto gore a di mmolokele, mme di utswiwa mo ntlong ya monna yoo: Foo legodu, fa le tshwarwa, le tshwanetse go lefa gabedi. Fa legodu le sa tshwarwe, a mong wa ntlo a atamele fa pele ga baatlhodi, go tlhotlhomisiwe gore a ga se ene o tsereng dithoto tsa mongwe-ka-ene. “Ka gale, fa go le kganetsanyo ka ga molato wa kgomo gongwe wa esele gongwe wa sefutshane gongwe wa kobo gongwe wa se sengwe se se timetseng, fa yo o latlhegetsweng a re: ‘Ke sa me!’ A kgang ya ba babedi bao e tle fa pele ga baatlhodi. Mme yo baatlhodi ba mmonang molato, a a lefe mongwe-ka-ene gabedi. “Fa monna a neela mongwe-ka-ene esele gongwe kgomo gongwe sefutshane gongwe seruiwa se sengwe gore se nne lefisa, mme se swa gongwe se robega gongwe se thopiwa, go sa bone ope: Foo a go ikana ka Morena go fedise kgang ya ba babedi bao ya go re, a ga se ene yo o jeleng seruiwa sa mongwe-ka-ene; a mong wa sona a dumele gona, mme yole a se ka a lefa. Mme fa se utswilwe tota mo go ene, a a lefe mong wa sona. Fa se gagotswe tota ke sebata, a a se tlise se itshupe jalo; ga a na go lefa se se gagotsweng. “Fa motho a adima sengwe mo go mongwe-ka-ene, mme se robega gongwe se swa, mong wa sona a se yo, foo moadimi o tshwanetse go se lefa. Fa mong wa sona a ne a le fa go sona a se ka a lefa. Fa se adimilwe ka madi, tuelo ya kadimo ke yona tefa. “Fa monna a raela lekgarebe le le iseng le beelelwe, a robala nalo, a a le ntshetse bogadi jo bo tletseng, e nne mosadi wa gagwe. Mme fa rraalo a ka gana go le mo naya, a a lefe madi a a kana ka bogadi jwa lekgarebe. “Mosadi wa moloi o se ka wa mo lesa a phela. “Mongwe le mongwe yo o robalang le seruiwa o tshwanetse go bolawa. “Yo o tlhabelang medimo e sele, e seng Morena a le esi fela, a a bolawe, o hutsitswe ke Modimo. “Lo se ka lwa gatelela moeng le e seng go mo pitlaganya; gonne lo ne lo le baeng kwa lefatsheng la Egepeto. Lo se ka lwa bogisa motlholagadi ope le e seng lesiela lepe. Gonne fa lo ka ba bogisa, mme ba goela go nna, ruri, ke tla utlwa selelo sa bone. Le gona ke tla tuka bogale, ke lo bolaisa tšhaka gore basadi ba lona ba nne batlholagadi, le bana ba lona ba nne masiela. “Fa o adima mongwe-ka-wena yo o humanegileng wa morafe wa me madi, o se ka wa a tsadisa. Se batleng koketso mo go ene. Fa o tsaya kobo ya mongwe-ka-wena go emela molato, o e mmusetse letsatsi le ise le phirime. Gonne ke yona fela e a e aparang, ke yona seaparo sa mmele wa gagwe. Fa e se yo, o ka robala ka eng? Go seng jalo, o tla goela go nna, mme ke tla mo utlwa, gonne ke bopelotlhomogi. “O se ka wa kgala Modimo; o se ka wa hutsa mmusi morafeng wa ga eno. “Se diege go ntsha kabelo ya thobo yotlhe le ya matute a segatelo sa gago; o nkabele morwao wa ntlha. Dira fela jalo le ka maitibolo a dikgomo tsa gago le a dinku tsa gago. A di nne le bommaatso malatsi a supa; mme e re ka letsatsi la borobedi ò di ntsisetse. “Lo nne batho ba me ba ba boitshepo. Lo se ka lwa ja nama ya se se gagotsweng mo nageng; lo e latlhele dintšwa. “O se ka wa bolela magatwe a ditshele. O se ka wa emela moikepi ka go nna mosupi wa kgobelelo. Se latele bontsi mo bosuleng. Le gona o se ka wa supa mo tshekong ka go faposiwa ke bontsi go sokamisa tshiamo. Se gobelele mohumanegi mo tshekong ya gagwe. “Fa o bona kgomo ya mmaba wa gago gongwe esele ya gagwe e timetse, o e busetse kwa go ene. Fa o bona esele ya yo o go tlhoileng e robaditswe ke morwalo wa yona, o se ka wa mo tlhokomologa fela, nnyaya, mo thuse go e belesolola. “Se kgopamise tshiamo ya bahumanegi ba gago mo ditshekong tsa bone. Katogana le kgang ya maaka. Se bolae yo o se nang molato yo o siameng. Gonne ga nkitla ke atlholela moikepi. Ò se ka wa amogela thelesetso. Gonne thelesetso e foufatsa ba ba bonang; e sokamisa mafoko a basiami. “Le gona o se ka wa gatelela moeng. Kana lo itse maikutlo a moeng ka losi; gonne lo ne lo le baeng kwa lefatsheng la Egepeto. “Lema tshimo ya gago dinyaga di le thataro, o robe dijo tsa yona. Mme ka ngwaga wa bosupa o e latse, e nne fela e sa lengwe gore badidi ba morafe wa gago ba je. Tse ba di tlogelang di jewe ke diphologolo tsa naga. Le tshimo ya gago ya moweine le ditlhare tsa gago tsa olefa o dire jalo ka tsona. “Dira ditiro tsa gago ka malatsi a marataro, mme o ikhutse ka letsatsi la bosupa gore kgomo ya gago le esele ya gago di ikhutse; le gore morwa lelata la gago le moeng ba lapologe. “Itiseng mo go tsotlhe tse ke di lo boleletseng. Lo se ka lwa boka maina a medimo e sele. A a se ka a umakiwa ke melomo ya lona. “Ntireleng moletlo gararo ka ngwaga: Dirang moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang, lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka sebaka sa kgwedi ya Abibi jaaka ke lo laetse; gonne lo hudugile kwa Egepeto ka yona. Mme lo se ka lwa bonala fa pele ga me lo iphotlhere fela. “Lo be lo dire moletlo wa thobo wa mabutswapele a dijwalo tsa lona tse di mo tshimong; le moletlo wa go fula maungo ka bofelo jwa ngwaga, fa lo kgobokanya maungo a lona mo tshimong. A banna botlhe ba lona ba bonale gararo ka ngwaga fa pele ga Morena Modimo. “Se tliseng madi a setlhabelo sa me mmogo le tse di bedisitsweng; le gona a mafura a moletlo wa me a se ka a salela kamoso. “Tse dintle tsa mabutswapele a lona di iseng kwa ntlong ya Morena Modimo wa lona. Se apeeng potsane ka mašwi a mmaayo. “Bona, ke roma moengele gore a lo etelele pele, a tle a lo boloke mo tseleng, a lo fitlhise kwa felong fa ke go baakantseng. Itiseng mo go ene, lo utlwe lentswe la gagwe; se mo ganetseng, gonne o ka gana go itshwarela ditlolo tsa lona; kana nna ka nosi ke iponatsa ka ene. Mme e tla re fa lo utlwa lentswe la gagwe, lo dira tsotlhe tse ke di lo laelang, foo ke nne mmaba wa baba ba lona, ke ganetse ba ba lo ganetsang. Ruri, moengele wa me o tla lo etelela pele, a lo fitlhisa kwa go Baamori le Bahethe le Baferesi le Bakanana le Bahewi le Bajebusi, mme ke tla ba fedisa. Lo se ka lwa obamela medimo ya bone le e seng go e direla le e seng go dira jaaka bone ba dira, mme lo e digele ruri, lo pšhwetlakanye mafika a bone a a betlilweng motloutlo. “Direlang Morena Modimo wa lona, foo o tla tshegofatsa dijo tsa lona le metsi a lona. Ke tla tlosa malwetse mo go lona. Ga go ne go nna le mosadi ope yo o senyegelwang le yo o ka nnang moopa mo lefatsheng la lona. Ke tla lo tlaletsa palo ya malatsi. “Ke tla romela theregiso ya me go lo etelela pele; ke tla silofatsa morafe mongwe le mongwe o lo tla fitlhang kwa go ona. Ke tla tshabisa baba botlhe ba lona pele ga lona. Ke tla romela mefukgomo go lo etelela pele gore e leleke Bahewi le Bakanana le Bahethe pele ga lona. Ga nkitla ke ba leleka fa pele ga lona ka ngwaga o le mongwe, e se re gongwe lefatshe la fetoga sekaka, le dibata tsa naga tsa lo ntsifalela. Ke tla ba leleka ke iketlile ka go latelana ga bone go ya go fitlhelela lo ate, lo je lefatshe lotlhe boswa. “Ke tla sega molelwane wa lona go tswa Lewatleng la Motlhaka go fitlha lewatleng la Bafelesita le go tswa kwa sekakeng go fitlha kwa nokeng ya Ferathe. Gonne ke tla neela baagi ba lefatshe leo mo diatleng tsa lona gore lo ba leleke fa pele ga lona. Lo se ka lwa dira kgolagano nabo gongwe le medimo ya bone. A ba se ka ba nna mo lefatsheng la lona, e se re gongwe ba lo nteofisetsa. Gonne fa lo ka direla medimo ya bone, ruri, e tla nna seru mo go lona.” Morena a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano Moreneng, wena le Arone le Natabe le Abihu le bagolo ba le 70 ba Baiseraele, lo mo obamele lo le kgakala. Mme a Moše a atamele Morena a le esi, bale ba se ka ba atamela; le morafe o se ka wa tlhatloga nae.” Ya re Moše a sena go tla, a bolelela morafe mafoko otlhe a Morena le melao yotlhe. Ke fa morafe otlhe o araba ka lentswe le le lengwe o re: “Mafoko otlhe a Morena o a buileng re tla a dirisa.” Moše a kwala mafoko aotlhe a Morena, a ba a phakela mo mosong, a aga aletare fa tlase ga thaba, a tlhoma majwe a a motloutlo a le 12 ka fa ditsong di le 12 tsa Baiseraele. A roma makau a Baiseraele go direla Modimo ditlhabelo tsa phiso, a tlhabela Morena dipoo, e le ditlhabelo tsa tebogo. Jaanong Moše a tsaya bontlhanngwe jwa madi, a a tshela mo megopong; a ba a kgatsha bontlhanngwe jwa madi mo aletareng. A ba a tsaya lokwalo lwa kgolagano, a le buisa mo ditsebeng tsa morafe. Mme wa re: “Tsotlhe tse Morena o di buileng, re tla di dira le go di utlwa.” Ke fa Moše a tsaya madi ale, a kgatsha morafe ka ona a re: “Bonang, ke madi a kgolagano e Morena o e dirileng le lona ka mafoko otlhe ao.” Morago ga moo Moše le Arone le Natabe le Abihu le bagolo ba le 70 ba Baiseraele ba tlhatloga, ba bona Modimo wa Baiseraele; ka fa tlase ga dinao tsa ona e kete go tlhatlaganye matlapa a mawebu a safire, go galalela jaaka legodimo. Mme wa se ka wa tsholeletsa batlotlegi ba Baiseraele letsogo; ya re ba sena go bona Modimo, ba ja, ba nwa. Morena a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, o nne teng. Ke tla go naya matlapa a maboti le molao le ditaolo tse ke di kwadileng go di ba ruta.” Moše a nanoga, a na le Jošua, modiredi wa gagwe; Moše a tlhatlogela kwa thabeng ya Modimo, a laela a re: “Re leteleng fa go fitlhelela re boele kwano go lona. Bonang, Arone le Hure ba na le lona. Yo o nang le dikgang, a a tle kwa go bone.” Ya re Moše a tlhatlogela kwa thabeng, leru la bo le khurumeditse thaba; kgalalelo ya Morena ya bo e le mo godimo ga thaba ya Sinai; leru la e khurumetsa malatsi a marataro, mme a bitsa Moše ka letsatsi la bosupa a le mo teng ga leru. Kgalalelo ya Morena e Baiseraele ba e bonyeng e ne e tshwana le molelo o o tukang mo setlhoeng sa thaba. Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela kwa thabeng. Moše a nna mo thabeng malatsi a le 40 le masigo a ona. Morena a bua le Moše a re: “Bolelela Baiseraele gore ba nntshetse dikabelo; phuthang dikabelo mo go mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e ratang jalo. Dikabelo tse lo tla di phuthang mo go bone ke gouta le selefera le kgotlho; le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi; le matlalo a diphelehu a a hubiditsweng le matlalo a dintšwa tsa lewatle le dipati tsa mokwa; le mafura a setlhomo sa dipone le makga a a monate a lookwane lwa tlotso le a maswalo a a nkgang monate; le majwe a a tlhokegang a šohama le majwe a a tlhokegang a rokelelwang mo khibeng ya boperesiti le mo pataneng ya yona. A ba ntirele Ntlo e e Boitshepo gore ke nne mo gare ga bone. Tempelana eo le dilwana tsa yona di direng gotlhe ka fa setshwantshong sa Tempelana le ka fa setshwantshong sa dilwana tsa yona se ke tla se go bontshang. “Le gona a ba ntirele Letlole ka dipati tsa mokwa. Boleele jwa lone e nne mabogo a le mabedi le bontlhanngwe; bophara jwa lone e nne letsogo le bontlhanngwe; bogodimo jwa lone e nne letsogo le bontlhanngwe. Le manege gouta e e sa pekwang, o le manege ka fa teng le ka fa ntle; o le gaole ka gouta mo tikologong. O le bopele melepo e le mene ya gouta, o e gokelele mo maotong a mane a lone; e le mebedi e nne mo lotlhakoreng longwe lwa lone, e mebedi e mengwe e nne mo lotlhakoreng lo longwe lwa lone. O betle dithobane tsa morukuru, o di manege gouta. O somele dithobane tseo mo melepong e e mo ditlhakoreng tsa Letlole gore Letlole le sikarwe ka tsona. Dithobane tseo a di nne mo melepong ya Letlole; a di se somolwe mo go yona. Tshupo ya matlapa a molao e ke tla e go neelang, o e tsenye mo letloleng. “Le gona o dire sekhurumelo sa thuanyo sa lone ka gouta e e sa pekwang. Boleele jwa sona e nne mabogo a le mabedi le bontlhanngwe; bophara jwa sona e nne letsogo le bontlhanngwe. Le gona o dire boKerubime ba le babedi ba gouta, o ba thule ka gouta e e kwenneng mo ntlheng tse pedi tsa sekhurumelo. Dira Kerubime mongwe mo ntlheng eno le Kerubime yo mongwe mo ntlheng ele. O dire boKerubime mo ntlheng tse pedi tsa sekhurumelo sa thuanyo, bone ba direlelelwe mo go sona ka gouta e le nngwe. BoKerubime a e nne ba ba tsharololetseng diphuka kwa godimo, ba ba okameng sekhurumelo sa thuanyo ka diphuka tsa bone. A ba lebane ka difatlhego. A difatlhego tsa boKerubime e nne tse di lebileng sekhurumelo sa thuanyo. Sekhurumelo sa thuanyo o se beye mo godimo ga Letlole, o tsenye tshupo ya molao e ke tla e go neelang mo letloleng. Ke tla kopana nao gona foo, ke bua nao ke le mo godimo ga sekhurumelo sa thuanyo, fa gare ga boKerubime ba babedi ba ba mo godimo ga Letlole la Tshupo, ke go bolelela tsotlhe tse ke tla di go laelang gore o di begele Baiseraele. “Le gona o dire lomati lwa bojelo ka dipati tsa mokwa. Boleele jwa lone e nne mabogo a le mabedi; bophara jwa lone e nne letsogo; bogodimo jwa lone e nne letsogo le bontlhanngwe. O lo manege gouta e e sa pekwang; o lo gaole ka gouta mo tikologong. O be o lo direle losi ka logong lwa bophara jwa seatla mo tikologong; losi loo lwa lone o lo gaole ka gouta mo tikologong. O lo direle melepo e le mene ya gouta, o gokelele melepo eo mo dikhutlong tse nne tsa maoto a lone. A melepo eo e nne gaufi le losi; dithobane tsa go sikara lomati loo di somelwe mo go yona. Dithobane tseo o betle tsa morukuru, o di manege gouta gore lomati lo sikarwe ka tsona. “Le gona o dire megopo ya lone le dijana tsa lone le dinkgwana tsa lone le digo tsa lone tse di dirisiwang mo tshupelong ya noo, o di dire ka gouta e e sa pekwang. O bee dinkgwe tsa tshupo mo lomating loo fa pele ga me ka metlha. “Le gona o dire setlhomo sa dipone sa gouta e e sa pekwang; setlhomo seo le matshego a sona le kutu ya sona di dirwe ka gouta e e thudilweng. Dikgolokwane tsa sona le dinoko tsa sona le dithunya tsa sona a di direlelwe mo go sona ka gouta e le nngwe. Jaanong a go tswe dikala di le thataro mo ditlhakoreng tsa sona; dikala di le tharo tsa setlhomo mo lotlhakoreng longwe lwa sona le dikala tse tharo tse dingwe tsa setlhomo mo lotlhakoreng lwa bobedi lwa sona. Kala nngwe le nngwe e nne le dikgolokwane tse tharo tse e keteng ke dithunya tsa moamantele, e le noko le sethunya; go nne jalo mo dikaleng tse thataro tsa setlhomo. Kutu ya setlhomo e nne le dikgolokwane di le nne, tse di tshwanang le dithunya tsa moamantele, e le dinoko tsa yona le dithunya tsa yona. Go nne le noko kwa godimo; gape go nne le noko fa tlase ga dikala tsa ntlha tsa sona; gape go nne le noko fa tlase ga dikala tsa bobedi tsa sona; gape go nne le noko fa tlase ga dikala tsa boraro tsa sona. Go nne jalo mo dikaleng tse thataro tsa setlhomo. Dinoko tsa tsona le dikala tsa sona mmogo le kutu e nne gouta e le nngwe; tsotlhe e nne selo se le sengwe se se thudilweng sa gouta e e sa pekwang. “Le gona o dire dipone tse supa tsa sona, o di tlhome mo go sona gore di bonege pele ga tsona. Le dipomo tsa sona le dipomelo tsa sona e nne tsa gouta e e sa pekwang. A go dirisiwe talente ya gouta e e sa pekwang go se dira le dilo tsotlhe tseo. Mme ela tlhoko gore o di dire ka fa setshwantshong sa tsona se o se bontshitsweng mo thabeng. “Tempelana o e dire ka masela a le some, e le a masweu a a ditlhale-pedi le a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi; o logele boKerubime mo go ona jaaka setswerere. Boleele jwa lesela lengwe le lengwe e nne mabogo a le 28; bophara jwa lone e nne mabogo a le mane; masela otlhe a nne selekanyo se le sengwe fela. Masela a le matlhano a rokaganngwe, le masela a matlhano a mangwe a rokaganngwe. Jaanong o dire digole ka lesela le lebududu fa mafelelong a lesela le le fa thoko ga masela a a rokagantsweng; o dire jalo gape fa mafelelong a lesela la bofelo la thokaganyo ya bobedi. O dire digole di le 50 mo leseleng lengwe, o be o dire digole di le 50 gape fa mafelelong a lesela le le mo thokaganyong ya bobedi. A digole di lebagane. Le gona o dire dikgogetso di le 50 tsa gouta, o tshwaraganye masela a mabedi ao ka dikgogetso tseo gore e nne moago o le mongwe. “Gape o dire masela a boboa jwa dipodi go nna thulelo ya tente godimo ga Tempelana. Dira masela a a ntseng jalo a le 11. Boleele jwa lesela lengwe e nne mabogo a le 30; bophara jwa lone e nne mabogo a le mane; masela a le 11 a nne selekanyo se le sengwe fela. O rokaganye masela a le matlhano go sele le masela a marataro a mangwe go sele. Mme lesela la borataro o le mene fa pele ga tente. Le gona o dire digole di le 50 fa mafelelong a lesela la bofelo la thokaganyo ya ntlha le digole di le 50 fa mafelelong a lesela la bofelo la thokaganyo ya bobedi. Gape o dire dikgogetso tsa kgotlho di le 50, o tsenye dikgogetso mo digoleng, o tshwaraganye thulelo ya tente jalo gore e nne e le nngwe fela. Fa e le dikarolo tsa masela tse di fetang tekanyo ya tente, a di lepelele fela; bontlhanngwe jwa lesela le le fetang tekanyo o bo lepeletse ka fa morago ga Tempelana. Boleele jwa masela bo fete bophara jwa Tempelana ka letsogo ka ntlha nngwe le ka ntlha e nngwe; a a lepelediwe mo ditlhakoreng tsa Tempelana go e bipa. “O be o direle tente thulelo ya matlalo a diphelehu a a hubiditsweng, mme mo godimo ga yona go nne thulelo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle. “Le gona o direle Tempelana lebota la dipati tsa mokgwa. Boleele jwa lobati longwe le longwe e nne mabogo a le some; bophara jwa lone e nne letsogo le bontlhanngwe. A lobati longwe le longwe lo nne le malomelo a le mabedi a a lebaganyeng. O a direle dipati tsotlhe tsa Tempelana. Fa e le dipati tsa Tempelana o direle lotlhakore lwa borwa dipati di le 20. Le gona o direle dipati di le 20 tseo ditlhako tsa selefera di le 40; o direle malomelo a mabedi a lobati longwe le longwe ditlhako di le pedi. Le lotlhakore lwa bobedi lwa Tempelana lo lo lebileng kwa bokone lo nne le dipati di le 20 le ditlhako di le 40 tsa tsona tsa selefera, ditlhako di le pedi ka fa tlase ga lobati longwe le longwe. Mme morago wa Tempelana o o hularetseng bophirimatsatsi o o direle dipati di le thataro. Dikhutlo tsa Tempelana ka kwa morago o di direle dipati di le pedi. A di nne di patagane go tswa kwa tlase di nne mmogo, di patagane go ya kwa godimo go fitlha molepong wa ntlha. A go nne jalo mo dikhutlong tsoo pedi. A tsona di bope dikhutlo tse pedi. E tla nna dipati di le 8 le ditlhako tsa tsona tsa selefera, e bong ditlhako di le 16; ditlhako di le pedi ka fa tlase ga lobati longwe le longwe. “Le gona o dire mephakarego ka dikota tsa morukuru, e le metlhano ya dipati tsa lotlhakore longwe lwa Tempelana le mephakarego e le metlhano ya dipati tsa lotlhakore lwa bobedi lwa Tempelana le mephakarego e le metlhano ya dipati tsa morago wa Tempelana o o hularetseng bophirimatsatsi. Jaanong a mophakarego o o fa gare o kgabaganye dipati ka bogare go tswa ka fa go ya ka fa. O manege dipati gouta, o dire melepo ya tsona ka gouta, mephakarego e somelwe mo go yona; le mephakarego o e manege gouta. Tlhoma Tempelana jalo ka mokgwa o ò o bontshitsweng mo thabeng. “Le gona o dire lesire ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi. O logele boKerubime mo go lone jaaka setswerere. O le pege mo maotwaneng a le mane a mokgwa a a manegilweng gouta, a dikgoge tsa ona e leng tsa gouta a a tlhomilweng mo ditlhakong di le nne tsa selefera. O pege lesire mo dikgogeng, o tsenye Letlole la Tshupo gona ka fa teng ga lesire; mme a lesire le kgaoganyetse Felo-ga-Boitshepo le Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo. Mme o khurumele Letlole la Tshupo ka sekhurumelo sa thuanyo mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo. Lomati lwa bojelo lone o lo bee ka fa ntle ga lesire fa lotlhakoreng lwa bokone lwa Tempelana; setlhomo sa dipone sone o se bee fa lotlhakoreng lwa borwa, se lebane le lomati lwa bojelo. “Le gona o direle mojako wa tente sebipo ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi, se logilwe ke mologi wa masela a a marabata. Sebipo seo o se direle maotwana a le matlhano a mokwa, o a manege gouta; dikgoge tsa ona e nne tsa gouta; o a bopele ditlhako di le tlhano tsa kgotlho. “Le gona o dire aletare ka dipati tsa mokgwa. Boleele le bophara e nne mabogo a le matlhano. Aletare a e lekalekane ka dikhutlo tse nne tsa yona. Bogodimo jwa yona e nne mabogo a le mararo. O dire dinaka tsa yona mo dikhutlong tse nne tsa yona; dikgong tsa dinaka di fetele kwa tlase go nna maoto a yona. O e manege kgotlho. Le gona o dire diolola-melora tsa yona le digopa-melora tsa yona le megopo ya yona le ditlhaba-nama tsa yona le digokolelo tsa yona. Didiri tsotlhe tsa yona o di dire ka kgotlho. O tswale fa gare ga maoto a yona ka letloa la kgotlho; o dire melepo e le mene ya kgotlho mo letloeng leo mo dikhutlong tse nne tsa yona. O e tswale ka lone ka fa tlase ga maemo a aletare; letloa leo le simologe fa fatshe go kgaola aletare ka bogare. Le gona o direle aletare dithobane tsa morukuru, o di manege kgotlho. Dithobane tseo tsa yona di somelwe mo melepong ya yona gore dithobane di nne mo ditlhakoreng tse pedi tsa aletare, fa e sikarwa. O e dire ka dipati, e nne logapa mo teng. A e dirwe jaaka o e bontshitswe mo thabeng. “Le gona o dire lelapa la Tempelana eo. Mo ntlheng ya borwa lelapa le nne le masela a a lepeletseng a masweu a a ditlhale-pedi. Boleele jwa lotlhakore lo le longwe e nne mabogo a le lekgolo. Maotwana a lone a nne masome a mabedi le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di nne masome a mabedi. Dimapo tsa maotwana le dikgoge tsa ona e nne tsa selefera. Le mo lotlhakoreng lwa bokone lo lo mabogo a lekgolo go nne masela a a lepeletseng le maotwana a le 20 le ditlhako tsa ona di le 20 tsa kgotlho; dimapo tsa maotwana le dikgoge tsa ona e nne tsa selefera. Le bophara jwa lelapa jo bo ntlheng ya bophirimatsatsi bo nne le masela a a lepeletseng a mabogo a le 50 le maotwana a ona a le some le ditlhako tsa ona di le some. Le bophara jwa lelapa mo ntlheng ya botlhabatsatsi e nne mabogo a le 50. Go nne masela a a lepeletseng a mabogo a le 15 ka fa, a nne le maotwana a ona a le mararo le ditlhako tsa ona di le tharo; le ka fa go nne masela a a lepeletseng a mabogo a le 15, a nne le maotwana a ona a le mararo le ditlhako tsa ona di le tharo. “Mme kgoro ya lelapa e e fa gare e nne le sebipo sa mabogo a le 20 sa masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi, e le tiro ya mologi wa masela a a marabata. Maotwana a ona a e nne a mane le ditlhako tsa ona e nne tse nne. Maotwana otlhe mo tikologong ya lelapa a nne le dikgoge tsa selefera; dimapo tsa ona e nne tsa selefera; ditlhako tsa ona e nne tsa kgotlho. Boleele jwa lelapa e nne mabogo a le lekgolo; bophara e nne mabogo a le 50; bogodimo jwa legora la lone e nne mabogo a le matlhano e le la masela a masweu a a ditlhale-pedi. Ditlhako tsa ona e nne tsa kgotlho. Didiri tsotlhe tsa Tempelana eo tsa tirelo yotlhe ya yona le dimapo tsotlhe tsa yona le dimapo tsotlhe tsa lelapa, e nne tsa kgotlho. “Mme o laele Baiseraele gore ba go tlisetse lookwane lo lo sa pekwang lwa diolefa tse di thugilweng gore e nne lwa setlhomo, go tle go nne lobone lo lo tukang ka gale. A Arone le bomorwawe ba lo baakanye mo Tempelaneng ya Boipontsho ka fa ntle ga lesire le le sireleditseng Letlole la Tshupo gore lo tuke go tloga mantsiboana go ya mo mosong fa pele ga Morena. Selo se ke molao o o nnetseng ruri wa Baiseraele le wa ditshika tsa bone. “Foo o atametse Arone mogoloo le bomorwawe nae kwa go wena, o ba ntshe mo Baiseraeleng gore a ntirele e le moperesiti, ene Arone le Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare, bomorwa Arone. O direle Arone mogoloo diaparo tse di boitshepo tsa tlotlo le tsa mokgabo. O bue le botlhe ba ba botlhale ba ke ba tladitseng mowa wa botswerere gore ba direle Arone diaparo gore a itshepisediwe go nna moperesiti wa me. Diaparo tse ba tshwanetseng go di dira ke tse: Kgwatlhana ya sehuba le khiba le kobo e kgolo le hempe e e logilweng ka botswerere le serwalo le moitlamo. A ba direle Arone mogoloo le bomorwawe diaparo tse di boitshepo jalo gore a ntirele e le moperesiti. “A ba tsee gouta le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu, ba dire khiba ka gouta le ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi a a logilweng ka botswerere. A e nne le dibata tse pedi tsa magetla tse di tshwaragantsweng. A e kopanngwe natso fa dintlheng tse pedi tsa yona. A moitlamo wa yona o segwe ka masela a yona, e nne wa gouta le wa masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi. “O tsee majwana a a tlhokegang a le mabedi a šohama, o gwae maina a bomorwa Iseraele mo go ona; maina a le marataro a bone mo lentswaneng lengwe le a marataro a a setseng mo lentswaneng la bobedi ka fa ba tlhomaganang ka teng. O gwae maina a bomorwa Iseraele mo majwaneng a mabedi ao; e le tiro ya ba ba gabang mafika, ba ba gwayang sekano; o a tsenye mo khuparelong ya gouta. O gokelele majwana a mabedi ao mo dibateng tsa magetla tsa khiba, e le mafikana a a thusang gore Baiseraele ba gopolwe. A Arone a sikare maina a bone fa pele ga Morena mo magetleng a mabedi a gagwe gore Morena a ba gopole. O dire dikhuparelo tsa gouta le dikeetane di le pedi tsa gouta e e sa pekwang; o di dire ka go di tshopha jaaka megala; o gokelele dikeetane tse di tshophilweng mo dikhuparelong tsele. “Le gona o dire kgwatlhana ya katlholo e logiwe ka botswerere; o e dire jaaka go dirilwe khiba; o e dire ka gouta le ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi. A e nne le dikhutlo di le nne e patagane. Boleele le bophara jwa yona bo lekane le seatla. Gokelela dikhuparelo tse di nang le majwana mo go yona; o dire methalo e le mene ya majwana. Mo mothalong wa ntlha go tlhomagane majwana a kareneole le topase le semarage. Mo mothalong wa bobedi go nne rubine le safire le jasepise. Mo mothalong wa boraro go nne hiasinte le agate le amethisete. Mo mothalong wa bone go nne kerisolite le šohama le onikese. A a tlapisiwe ka gouta e a huparele. A majwana ao a nne lesome le bobedi ka fa maineng a bomorwa Iseraele. Lentswana lengwe le lengwe le nne le leina la lotso longwe lwa ditso tse di lesome le bobedi le kwadilwe ka go gwaiwa jaaka sekano. “O dire dikeetane tse di tshophilweng mo kgwatlhaneng ya sehuba; di tshophilwe jaaka megala, e le tsa gouta e e sa pekwang. Dira mefitshane e le mebedi ya gouta mo kgwatlhaneng; o gokelele mefitshane e mebedi eo mo dikhutlong tse pedi tse di kwa godimo tsa kgwatlhana. Jaanong o gokelele dikeetane tse pedi tsa gouta mo mefitshaneng e mebedi eo fa dikhutlong tsa kgwatlhana. Mme dintlha tse pedi tse dingwe tsa dikeetane tse pedi tseo o di gokelele mo dikhuparelong tse pedi tsele; mme tsone o di bofelele mo dibateng tsa khiba ka fa pele ga yona. “Gape o dire mefitshane e le mebedi e mengwe ya gouta, o e gokelele mo dikhutlong tse pedi tse di kwa tlase tsa kgwatlhana fa mafelelong a yona a a potileng ka fa khibeng, ka fa teng. O dire mefitshane ya gouta e le mebedi gape, o e gokelele mo dibateng tse pedi tsa magetla tsa khiba ka fa pele fa tlase fa khiba e tshwaragantsweng teng le dibata tsa magetla fa godimo ga moitlamo wa khiba. A go gokelelwe kgwatlhana ka mogala o mobududu o o tswang mefitshaneng ya yona, o ya kwa mefitshaneng ya khiba gore kgwatlhana e pote ka fa godimo ga moitlamo wa khiba, mme e se ka ya suta, le e seng go tloga mo khibeng. “Arone a rwale maina a bomorwa Iseraele jalo mo kgwatlhaneng ya katlholo fa pelong ya gagwe, fa a tsena mo Felong-ga-Boitshepo fa pele ga Morena gore a tle a ba gopole ka gale. Gape dira ditengwa tse di bidiwang Lesedi le Tshiamo, o di tsenye mo kgwatlhaneng ya katlholo gore di nne fa pelong ya ga Arone, fa a tsena go ema fa pele ga Morena. Arone o tla rwala katlholo ya Baiseraele jalo fa pelong ya gagwe fa pele ga Morena ka gale. “Kobo e kgolo e e ka fa teng ga khiba o e dire yotlhe ka lesela le lebududu. A go nne phatlha ya go somela tlhogo mo go yona; phatlha ya yona e nne le momeno mo molaleng o logilwe. A e nne phatlha e e tshwanang le ya seaparo sa tshipi sa motlhabani gore e se ka ya gagoga. Le gona o dire digaranata mo mafelelong a kobo ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi, di nne mo mafelelong a yona go e potologa yotlhe kwa tlase. Mme a ditshipinyana tse di lelang tsa gouta di tlhabakane natso go potologa kobo yotlhe. Tshipinyana ya gouta e bapane le garanata di dikologe jalo mo mafelelong a kobo e kgolo. A Arone a e apare, fa a ya go ntirela gore go lela ga ditshipinyana go utlwale, fa a tsena mo Felong-ga-Boitshepo fa pele ga Morena, le fa a tswa gore a se ka a swa. “Le gona o dire papetlana ya gouta e e sa pekwang, o gwae mo go yona jaaka go gwaiwa sekano o re: ‘O itshepetse Morena.’ Gape o gokelele mogala wa lesela le lebududu mo go yona gore e bofelelwe mo serwalong; a e nne fa pele ga serwalo fa phatleng. A e nne mo phatleng ya ga Arone gore Arone a rwale melato ya Baiseraele ya go fosetsa tse di boitshepo tse ba di itshepisang, e bong dineo tsotlhe tse ba di kgethelang Felo-ga-Boitshepo. A e nne mo phatleng ya ga Arone ka gale gore ba tle ba kgatlhe Morena. “Le gona o loge hempe ka lesela le le marabata, o dire serwalo ka lesela le lesweu, o dire moitlamo ka mokgwa wa go loga marabata. “O direle bomorwa Arone dihempe le meitlamo; o be o ba direle ditlhoro tsa tlotlo le mokgabo. O di apese Arone mogoloo le bomorwawe nae, o ba tlotse, o tlatse diatla tsa bone, o ba itshepise gore ba ntirele e le baperesiti. O ba direle marokgwe a lesela le lesweu go bipa bosaikatega; a simologe fa lethekeng go fitlha mo diropeng. A Arone le bomorwawe ba a apare, fa ba tsena mo Tempelaneng ya Boipontsho, gongwe fa ba atamela kwa aletareng go direla mo Felong-ga-Boitshepo gore ba se ka ba ithwesa molato, ba swa. Se ke molao o o sa khutleng wa gagwe le wa losika lwa gagwe sehularong sa gagwe. “Se o tshwanetseng go se ba direla go ba itshepisa gore ba ntirele e le baperesiti ke se: Tsaya poana e le nngwe le diphelehu di le pedi tse di se nang bogole le dinkgwe tse di sa bedisiwang le dinkgwenyana tse di sa bedisiwang tse di dubilweng ka lookwane le dinkgwenyana tsa dipapetla tse di tshasitsweng lookwane; o di dire ka bupe jo bo boleta jwa korong. O di bee mo serotong se le sengwe, o be o di tlise ka seroto mmogo le poana ele le diphelehu tse pedi. “Mme o atametse Arone le bomorwawe kwa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho, o ba tlhapise ka metsi. O be o tsee diaparo, o apese Arone hempe le kobo e kgolo ya khiba le khiba le kgwatlhana ya sehuba, o mo tlame ka moitlamo wa khiba. O mo rwese serwalo mo tlhogong, o gokelele papetlana e e boitshepo mo serwalong. O be o tsee lookwane lwa tlotso, o lo tshele mo tlhogong ya gagwe, o mo tlotse jalo. “Le gona o atametse bomorwawe, o ba apese dihempe, o ba tlame ka meitlamo, Arone le bomorwawe, o ba rwese ditlhoro gore ba amogele boperesiti ka molao o o sa khutleng; o tlatse diatla tsa ga Arone le tsa bomorwawe. “O ise poana fa pele ga Tempelana ya Boipontsho; jaanong a Arone le bomorwawe ba bee diatla mo tlhogong ya poana. E nne gona o tlhabang poana fa pele ga Morena fa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho. O be o tsee madi mangwe a poana, o a tshase mo dinakeng tsa aletare ka monwana wa gago, mme madi otlhe a a setseng o a tshololele fa maotong a aletare. “Jaanong o tsee lomipi lotlhe lo lo apesitseng mogodu le mafura a a mo sebeteng le diphilo tse pedi le matlhaname a tsona, o di fisetse mo aletareng. Mme nama ya poana le letlalo la yona le moswang wa yona o di fise ka molelo ka kwa ntle ga bothibelelo. Ke setlhabelo sa boleo. “Le gona o tsee phelehu nngwe, mme a Arone le bomorwawe ba bee diatla mo tlhogong ya phelehu. Jaanong o tlhabe phelehu, o tsee madi a yona, o a kgatshe mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare. O be o kgaoganye phelehu, o tlhatswe mateng a yona le memomo ya yona, o di bee fa dinameng tsa yona le fa tlhogong ya yona. O fisetse phelehu yotlhe mo aletareng. Ke setlhabelo sa phiso sa Morena, ke monko o o nkgang monate. Ke setlhabelo sa molelo sa Morena. “Le gona o tsee phelehu ya bobedi, mme a Arone le bomorwawe ba bee diatla mo tlhogong ya yona. E nne gona o tlhabang phelehu eo, o tsee madi mangwe a yona, o a tshase mo tsebeng e e jang ya ga Arone le mo ditsebeng tse di jang tsa bomorwawe le mo menwaneng e megolo ya diatla tsa bone tse di jang le mo menwaneng e megolo ya dinao tsa bone tse di jang. O be o kgatshe madi a a setseng mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare. O be o tsee madi mangwe a a mo aletareng le lookwane longwe lwa tlotso, mme o di kgatshe mo go Arone le mo diaparong tsa gagwe le mo go bomorwawe le mo diaparong tsa bomorwawe nae. Ene o tla itshepa jalo le diaparo tsa gagwe le bomorwawe le diaparo tsa bone. “Jaanong mo phelehung eo o tsee mafura le mogatla o o mafura le lomipi lo lo apesitseng mogodu le mafura a sebete le diphilo tse pedi le matlhaname a tsona le serope se se jang – gonne ke phelehu ya go tlhoma moperesiti– le senkgwe se le sengwe le senkgwenyana se le sengwe sa lookwane le senkgwenyana se sepapetla se le sengwe, o di ntshe mo serotong sa tse di sa bedisiwang se se fa pele ga Morena. Tsotlhe tseo o di bee mo diatleng tsa ga Arone le mo diatleng tsa bomorwawe, o di kgadikanye e le tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena. O be o di tsee gape mo diatleng tsa bone, o di fisetse mo aletareng mo godimo ga setlhabelo sele sa phiso, e le monko o o nkgang monate fa pele ga Morena. Ke setlhabelo sa molelo sa Morena. “Jaanong o tsee sehuba sa phelehu ya go tlhoma moperesiti e e leng ya ga Arone, o se kgadikanye fa pele ga Morena. Sona e be kabelo ya gago. “Jaanong o itshepise sehuba seo sa setlhabelo sa kgadikanyo se se kgadikantsweng le serope sele sa seabe se se abetsweng baperesiti tse e leng tsa phelehu ya go tsenya Arone le bomorwawe mo tirong ya boperesiti gore e nne tsa ga Arone le tsa bomorwawe, e le tshiamelo ya bone ka bosakhutleng, di ntshiwe ke Baiseraele. Gonne ke seabe; ke seabe se se ntshiwang ke Baiseraele, e le karolo ya ditlhabelo tsa bone tsa tebogo. Ke seabe sa bone se ba se abelang Morena. “Diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone e tla nna tsa bomorwawe sehularong sa gagwe gore ba tlodiwe ba di apere, ba tsenngwe tirong ya boperesiti ba di apere. Morwawe yo o tla nnang moperesiti mo boemong jwa gagwe, yo o tla tsenang mo Tempelaneng ya Boipontsho go direla mo Felong-ga-Boitshepo, a a di apare malatsi a supa. “Wena o tsee phelehu ya go ba tsenya mo tirong ya boperesiti, o apee nama ya yona mo Felong-ga-Boitshepo. Jaanong a Arone le bomorwawe ba je nama ya phelehu eo le senkgwe se se mo serotong fa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho. A ba di je tse ba batletsweng boitshwarelo ka tsona, fa ba tsenngwa mo tirong ya boperesiti e go itshepisiwa. Mme o sele a se ka a di ja, gonne di boitshepo. Fa go ka sala nama ya go tlhoma moperesiti gongwe senkgwe go fitlhela kamoso, o fise tse di setseng ka molelo; a di se ka tsa jewa, gonne di boitshepo. “O direle Arone le bomorwawe jalo fela jaaka ke go laetse. Tiro ya go ba tsenya mo tirong ya boperesiti e tsee malatsi a supa. Le gona o tlhabe poana ya setlhabelo sa boleo ka letsatsi lengwe le lengwe go nna thuanyo; o tlose boleo mo aletareng ka go batla boitshwarelo mo godimo ga yona; o e tlotse go e itshepisa. O dire tsa go batla boitshwarelo malatsi a supa mo godimo ga aletare; o e itshepise jalo. Foo aletare e tla nna boitshepo thata. Mongwe le mongwe yo o e amang o tla itshepa. “Se o tshwanetseng go se dira mo aletareng ka letsatsi lengwe le lengwe ke setlhabelo sa phiso sa ka metlha sa dikwana di le pedi tse di ngwaga o le mongwe. Kwana nngwe o e dire setlhabelo mo mosong; kwana ya bobedi o e dire setlhabelo mantsiboa. Mme o tlise karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka karolo ya bone ya hina ya lookwane lo lo thugilweng le tshupelo ya noo ya karolo ya bone ya hina ya weine mmogo le kwana ya ntlha. Kwana ya bobedi o e dire setlhabelo mantsiboa, o e dire le tshupelo ya dijo le tshupelo ya noo ya yona jaaka mo mosong go nna monko o o nkgang monate. Ke setlhabelo sa molelo sa Morena. “Ke sona setlhabelo sa phiso sa metlha yotlhe mo ditshikeng tsa lona fa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho fa pele ga Morena; ke kwa ke tla kopanang le lona teng gore ke bue nao gona. Ke tla kopana le Baiseraele teng; Tempelana e tla itshepisiwa ka kgalalelo ya me. Ke tla itshepisa Tempelana ya Boipontsho le aletare jalo. Ke tla itshepisa Arone le bomorwawe gore ba ntirele e le baperesiti. Ke tla aga jalo mo gare ga Baiseraele, ke nna Modimo wa bone. Ba tla lemoga jalo, fa ke le Morena Modimo wa bone yo ke ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto gore ke age mo gare ga bone ke le Morena, Modimo wa bone. “Le gona o dire aletare ya go tshuba maswalo; o e dire ka dipati tsa mokgwa. Boleele jwa yona e nne letsogo le boatlhamo jwa yona e nne letsogo; e nne le dikhutlo di le nne; bogodimo jwa yona e nne mabogo a le mabedi. Dinaka tsa yona di fetele kwa tlase go nna maoto. O e manege gouta e e sa pekwang, e bong bophaphathi jwa yona le dithoko tsa yona tsotlhe le dinaka tsa yona. O e gaole ka gouta mo tikologong. O e direle melepo e le mebedi ya gouta, e nne fa tlase ga segaolo mo ntlheng tse pedi; o e gokelele mo ditlhakoreng tse pedi tsa yona gore go somelwe dithobane mo go yona go e sikara. “O be o betle dithobane tsa morukuru, o di manege gouta. O e bee ka fa ntle ga lesire le le sirileng Letlole la Tshupo, e lebaganye le sekhurumelo sa thuanyo se se mo godimo ga tshupo ya molao kwa ke tla kopanang nao teng. “A Arone a tshubele maswalo a a nkgang monate mo go yona; a a tshube mo mosong mongwe le mongwe, fa a baakanya dipone. E ne e re fa Arone a tshuba dipone mantsiboa a a tshuba; a go kuisiwe musi jalo ka gale fa pele ga Morena mo ditshikeng tsa lona. Lo se ka lwa tshuba maswalo a sele mo go yona le e seng setlhabelo sa phiso le fa e le tshupelo ya dijo; le tshupelo ya noo lo se ka lwa e tshela mo go yona. A Arone a dire tsa thuanyo mo dinakeng tsa yona gangwe ka ngwaga; a a dire tsa thuanyo mo go yona ka madi a setlhabelo sa boleo gangwe ka ngwaga. A go nne jalo mo ditshikeng tsotlhe tsa lona. E boitshepotshepo mo Moreneng.” Jaanong Morena a bua le Moše a re: “E re fa o bala Baiseraele ba mephato e e kuiwang, a mongwe le mongwe yo o kuiwang a ntshetse Morena segololo sa bophelo jwa gagwe gore kotlo e se ka ya ba wela, fa ba balwa. Se mongwe le mongwe wa mephato e e kuiwang a tshwanetseng go se ntsha ke bontlhanngwe jwa šekele ya Felo-ga-Boitshepo e e leng digera di le 20. Bontlhanngwe joo jwa šekele a e nne lekgetho la Morena. Mongwe le mongwe wa mephato e e kuiwang yo o dinyaga di le 20 le go feta foo a a ntshe lekgetho la Morena. E ne e re fa lo ntshetsa Morena lekgetho le e leng segololo sa maphelo a lona mohumi a se ke a oketsa, modidi a se ke a tlhaetsa bontlhanngwe jwa šekele. Madi ao a thuanyo o a tsee mo Baiseraeleng, o a beele tirelo ya Tempelana ya Boipontsho gore Baiseraele ba gopolwe fa pele ga Morena, mme lo tle lo fiwe boitshwarelo.” Morena a ba a bua le Moše a re: “Le gona o dire mogopo o o tlhapelang wa kgotlho le lekoto la ona la kgotlho. O o bee fa gare ga Tempelana ya Boipontsho le aletare, o tshele metsi mo go ona gore Arone le bomorwawe ba tlhape diatla le dinao ka ona. E ne e re fa ba tsena mo Tempelaneng ya Boipontsho ba tlhapa ka metsi gore ba se ka ba swa; gongwe fa ba atamela fa aletareng go direla Morena ka go mo tshubela setlhabelo sa molelo a ba tlhape diatla le dinao, e se re gongwe ba swa. A selo se e nne molao o o sa khutleng mo go bone; mo go ene le mo baneng ba gagwe le go ya pele.” Morena a ba a bua le Moše a re: “Tsaya ditswaiso tse di molemolemo, e bong boroku jwa mera jo bo nkgang monatenate jwa dišekele di le 500 le bontlhanngwe jwa selekanyo seo jwa makwati a kinamone a a nkgang monate, e bong dišekele di le 250 le lotlhaka lo lo tswaisang lwa dišekele di le 250 le makwati a kasia a dišekele di le 500 tsa šekele ya Felo-ga-Boitshepo le hina ya lookwane lwa setlhare sa olefa. O dire lookwane lwa tlotso lo lo boitshepo ka tsona, e nne setlolo sa lookwane se se tlhakantsweng ka ditswaiso tseo, e nne tiro ya go tlhakanya ka botswerere. A e nne lone lookwane lwa tlotso lo lo boitshepo. “Jaanong o tlotse Tempelana ya Boipontsho ka lone le Letlole la Tshupo le lomati lwa dinkgwe tsa tshupo le didiri tsotlhe tsa lone le setlhomo sa dipone le didiri tsa sona le aletare ya go tshubela maswalo; le aletare ya setlhabelo sa phiso le didiri tsotlhe tsa yona le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona. O di itshepise jalo gore di nne boitshepotshepo, mongwe le mongwe yo o di amang o tla itshepa. “Le gona o tlotse Arone le bomorwawe, o ba itshepise gore ba ntirele e le baperesiti. Mme o bolelele Baiseraele o re: ‘Ke lone lookwane lwa me lwa tlotso lo lo tshwanetseng go kaiwa boitshepo ke ditshika tsotlhe tsa lona. Lo se ka lwa tshelwa mo mmeleng wa motho o sele; lo se ka lwa dira setlolo se se tlhakantsweng jalo. Se boitshepo. Lo se kae boitshepo! Mongwe le mongwe yo o ka tlhakanyang se se ntseng jalo, gongwe a se naya motho o sele, o tshwanetse go bolawa le go tlosiwa jalo mo morafeng wa ga gabo.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Tsaya tse di nkgang monate, e bong boroku jwa setlhare sa Storakese le kgetla ya lewatle le boroku jwa Galabano, e le makga a a monate le matlhare a leswalo a a sa pekwang; a di tsewe ka go lekalekana ga tsona. O dire tse di kuisang musi ka tsona di tlhakantswe ka botswerere di lokilwe ka letswai, di le phepa, di le boitshepo. Tsaya go gongwe ga tsona, o sile, e nne bupe; o bo bee fa pele ga Letlole la Tshupo mo Tempelaneng ya Boipontsho kwa ke tla kopanang nao teng. A bo kaiwe boitshepotshepo ke lona. Jaanong fa lo itirela tse di kuisang musi, lo se ka lwa di tlhakanya jaaka tseo. A tseo e nne tse di boitshepo tsa Morena mo go lona. Mongwe le mongwe yo o dirang tse di ntseng jalo go dupa monate wa tsona, a a bolawe, a kumolwe mo morafeng wa ga gabo.” Morena a ba a bua le Moše a re: “Bona, Besalele, morwa Uri, morwa Hure wa lotso lwa Juta ke mmiditse ka leina. Ke mo tladitse Mowa wa Modimo le botlhale le tlhaloganyo le kitso le botswerere ditirong tsa mefutafuta go ka akanya ditshwantsho tsa tiro, le go di dira ka gouta le selefera le kgotlho, le go seta majwana le go a tlapisa le go seta dikgong le go dira ditiro tsa mefutafuta. “Gape bona, ke dirile Oholiabe, morwa Ahisamage wa lotso lwa Dane mothusi wa gagwe. Ke tsentse botlhale mo dipelong tsa botlhe ba ba tlhalefileng gore ba dire tsotlhe tse ke di go laetseng, e bong Tempelana ya Boipontsho le Letlole la Tshupo le sekhurumelo sa thuanyo se se mo godimo ga lone le dilo tsotlhe tsa Tempelana eo; le lomati lwa dinkgwe tsa tshupo le didiri tsa lone; le setlhomo sa dipone sa gouta e e sa pekwang le didiri tsotlhe tsa sona le aletare ya go tshuba maswalo; le aletare ya ditlhabelo tsa phiso le didiri tsotlhe tsa yona le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona; le diaparo tse di rokilweng ka botswerere; le diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone moperesiti; le diaparo tsa bomorwawe tsa boperesiti; le lookwane lwa tlotso; le tse di nkgang monate tsa go kuisa musi tsa Felo-ga-Boitshepo: Ba tla dira tsotlhe tseo ka fa ke go laetseng ka teng.” Morena a ba a bua le Moše a re: “Raya Baiseraele o re: ‘Tlhokomelang go tlotla boSabata ba me ka botlalo; gonne ke sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lona mo ditshikeng tsa lona gore lo itse, fa e le nna Morena yo ke lo itshepisang. Ka moo tshegetsang letsatsi la Sabata, gonne le boitshepo mo go lona. Yo o le itshepololang o tshwanetse go bolawa. Ruri, mongwe le mongwe yo o dirang tiro ka lone o na le go tlosiwa ka polao mo morafeng wa ga gabo. “ ‘A tiro e dirwe ka malatsi a marataro, mme letsatsi la bosupa ke la Sabata la boikhutso, le itshepetse Morena. Mongwe le mongwe yo o dirang tiro ka letsatsi la Sabata o tshwanetse go bolawa. Ka moo a Baiseraele ba tshegetse letsatsi la Sabata ka go le tlhokomela mo ditshikeng tsotlhe tsa bone; e nne kgolagano e e sa khutleng. Ke lone sesupo fa gare ga me le Baiseraele ka bosakhutleng. Gonne Morena o dirile legodimo le lefatshe ka malatsi a marataro, mme ka letsatsi la bosupa a ikhutsa, a lapologa.’ ” E rile Morena a sena go fetsa go bua le Moše kwa thabeng ya Sinai, a mo neela matlapa a mabedi a molao, e le matlapa a maboti a a kwadilweng ke monwana wa Modimo. E rile batho ba bona Moše a diega go fologa mo thabeng, ba kgobokanela kwa go Arone, ba mo raya ba re: “Nanoga o re direle modimo o o tla re etelelang pele; gonne ga re itse se se dirafaletseng Moše, monna yole yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.” Arone a ba raya a re: “Rolang manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa basadi ba lona le tsa bomorwa-lona le tsa bomorwadia-lona, lo a tlise kwano go nna.” Ke fa batho botlhe ba rola manyena a gouta a a mo ditsebeng tsa bone, ba a isa kwa go Arone. Ene a a amogela mo diatleng tsa bone, a seta ka seseti, a dira namane, a e bopa ka ona. Ke fa ba re: “Ke ona modimo wa lona Baiseraele, o o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.” Ya re Arone a bona jalo, a aga aletare fa pele ga yona; Arone a ba a tlhaba mokgosi a re: “Kamoso go tla nna moletlo wa Morena.” Jaanong ya re kamoso ba phakela, ba tlhaba ditlhabelo tsa phiso, ba tlisa ditlhabelo tsa tebogo. Morago ga moo batho ba nnela go ja le go nwa, ba tloga ba nanoga go tshameka. Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa o fologe, gonne morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto o sentse. Ba fapogile ka pele mo tseleng e ke e ba laetseng, ba itiretse namane e e bopilweng, ba e obamela, ba e tlhabela ditlhabelo ba re: ‘Ke ona modimo wa lona Baiseraele, o o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Ke bonye morafe o, ka fitlhela e le wa dithamo tse di gagametseng. Mme jaanong nte bogale jwa me bo ba tukele, ke ba nyeletse, mme wena ke go dire setšhaba se segolo!” Mme Moše a kopa bopelotlhomogi mo Moreneng, Modimo wa gagwe, a re: “Morena, morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ka thata e kgolo le ka letsogo le le tiileng, bogale jwa gago bo tla o tukelelang? A Baegepeto ba se ka ba bua ba re: ‘O ba hudusitse ka maikaelelo a a bosula gore o tle o ba bolaele mo dithabeng le go ba nyeletsa mo lefatsheng!’ Boa mo bogaleng jo bo tukang jwa gago, o buse pelo, o se digele morafe wa gago mo tatlhegong. Gopola Aborahame le Isaka le Iseraele, batlhanka ba gago, ba o ba ikanetseng ka wena, wa ba solofetsa wa re: ‘Ke tla ntsifatsa bana ba lona jaaka dinaledi tsa legodimo, ke naya bana ba lona lefatshe lotlhe leo ke buileng ka ga lone gore ba le rue ka bosakhutleng.’ ” Ke fa Morena a busa pelo, a sa bolae morafe wa gagwe jaaka a ne a o bopetse. Jaanong Moše a hulara, a fologa mo thabeng, a tshotse matlapa a mabedi a molao, e le matlapa a a kwadilweng ka ntlha tsotlhe. Matlapa ao a ne a dirilwe ke Modimo, le mokwalo e ne e le mokwalo wa Modimo, o gwailwe mo matlapeng. Jaanong ya re Jošua a utlwa modumo wa morafe o o duduetsang, a raya Moše a re: “Go leratla la ntwa mo bothibelelong.” Mme ene a fetola a re: “Ga se modumo wa ba ba opelelang moepelane; le gona ga se selelo sa ba ba fentsweng; ke utlwa modumo wa ba ba opelang fela.” Ya re a atamela bothibelelo, a bona namane le dipina; ke fa Moše a tuka bogale, a latlha matlapa a o neng a a tshotse, a a thubaganya fa tlase ga thaba. A ba a tsaya namane e ba e dirileng, a e fisa ka molelo, a e notetsa ga tsamaya e nna lerole, a le gasa mo metsing, a a nosa Baiseraele. Moše a ba a botsa Arone a re: “Morafe o, o go dirileng, mo o bileng o o leofisitse mo go kana?” Arone a re: “A mong wa me a se tuke bogale! O itse morafe o ka wesi, fa o le bosula. Ba ntheile ba re: ‘Re direle modimo o o ka re etelelang pele; gonne ga re itse se se dirafaletseng Moše, monna yole yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’ Ka ba raya ka re: ‘Yo o nang le gouta, a a e role.’ Ba e nneela. Ka e latlhela mo molelong, ga tswa namane e.” Jaanong Moše a bona morafe o latlhile botho jotlhe; gonne Arone o ne a o bo latlhisitse, mo o bileng o sotlega mo babeng ba ona. Ka moo Moše a ema mo kgorong ya bothibelo, a kua a re: “Yo e leng wa Morena a a tle kwano go nna!” Ke fa bomorwa Lefi botlhe ba kgobokanela kwa go ene. Mme a ba raya a re: “Morena Modimo wa Iseraele o bua jaana o a re: ‘A mongwe le mongwe a tlame tšhaka ya gagwe mo lethekeng la gagwe, lo boaboele mo bothibelelong go tswa kgorong go ya kgorong, mme a mongwe le mongwe a bolae morwa-rraagwe le tsala ya gagwe le wa ga gabo.’ ” Bomorwa Lefi ba dira ka fa Moše a ba laetseng ka teng; ga bolawa batho ba e ka nnang dikete tse tharo mo morafeng ka letsatsi leo. Ke fa Moše a re: “Ineeleng Morena kajeno go nna baperesiti ba gagwe gore a tle a lo nee tshegofatso; gonne mongwe le mongwe o bolaile morwawe le morwa-rraagwe.” Ya re kamoso Moše a raya morafe a re: “Le leofile boleo jo bogolo. Mme ke tla tlhatlogela kwa Moreneng. Motlha mongwe nka bonela boleo jwa lona boitshwarelo.” Moše a boela kwa Moreneng a re: “Ka thapelo, Morena! Morafe o, o leofile boleo jo bogolo, wa itirela modimo wa gouta. Mme jaanong fa o ka ba itshwarela boleo jwa bone – ba itshwarele! Mme fa go sa nna jalo o mphimole mo lokwalong lwa gago lo o lo kwadileng.” Mme Morena a fetola Moše a re: “Yo o nteofetseng ke ene yo ke tla mo phimolang mo lokwalong lwa me. Tsamaya jaanong o ise morafe o kwa felong fa ke go go boleletseng. Bona, moengele wa me o tla go etelela pele, mme ke tla ba beletsa boleo jwa bone ka letsatsi le ke tla betsang ka lone.” Morena a otla morafe jalo, ka ba diretse namane eo e Arone a e dirileng. Jaanong Morena a bua le Moše a re: “Tloga o huduge mono, wena le morafe o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, lo ye kwa lefatsheng le ke le ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe ka re: ‘Ke tla le naya losika lwa gago.’ Ke tla roma moengele gore a go etelele pele; ke tla leleka Bakanana le Baamori le Bahethe le Baferesi le Bahewi le Bajebusi gore a go ise kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe. Gonne ga nka ke ka ya le lona, ka lo le morafe wa dithamo tse di gagametseng, e ka re gongwe ka lo fedisa mo tseleng.” E rile batho ba utlwa lefoko le le botlhoko le, ba hutsafala; ga se ka ga nna ope yo o rwalang mokgabo wa gagwe. Mme Morena a raya Moše a re: “Raya Baiseraele o re: ‘Lona lo morafe wa dithamo tse di gagametseng. Fa nka ya le lona sebakanyana fela, ke ne ke tla lo fedisa. Jaanong rolang mekgabo ya lona. Foo ke tla akanya se nka se lo direlang.’ ” Ke fa Baiseraele ba rola mekgabo ya bone go tloga kwa thabeng ya Horebe. Jaanong Moše a tsaya Tempelana ya Tente, a e tlhoma ka kwa ntle ga bothibelelo, kgakala le jona, a e bitsa Tente ya Boipontsho. Jaanong e ne ya re fa go le mongwe yo o ratang go botsa Morena, a tswele kwa Tenteng ya Boipontsho e e neng e le ka kwa ntle ga bothibelelo. Jaanong e ne e tle e re fa Moše a tswela kwa Tenteng, batho botlhe ba nanoge ba eme mongwe le mongwe fa mojakong wa tente ya gagwe, ba lebe Moše a ba hularetse go ya a tsene mo Tenteng. Mme e ne ya re fa Moše a tsena mo Tenteng pinagare ya leru e fologe e eme fa mojakong wa Tente, mme Morena a bue le Moše. Jaanong e ne ya re fa batho botlhe ba bona pinagare ya leru e eme fa mojakong wa Tente, batho botlhe ba nanoge, ba ikobe mongwe le mongwe fa mojakong wa tente ya gagwe. Morena o ne a bua le Moše ba lebanye ka difatlhego jaaka motho a bua le tsala ya gagwe. Mme fa a boela kwa bothibelelong, modiredi wa gagwe wa lekau, Jošua morwa Nune, o ne a se ke a tlogela Tente. Jaanong Moše a raya Morena a re: “Bona, o ntaetse wa re: ‘Hudusa morafe o,’ mme ga o a ka wa nkitsise gore o tla roma mang le nna, le fa o buile wa re: ‘Ke go itse ka leina; le gona o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a me.’ Jaanong he, fa ruri ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a ko o nkitsise tsela ya gago gore ke go itse, ke lemoge, fa ke setse ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago. Mme o lebe setšhaba se jaaka morafe wa gago.” Morena a botsa Moše a re: “A ke ye nao ka nosi, ke go ise kwa boikhutsong?” Mme a mo raya a re: “Fa o sa ye le rona ka wesi, o se ka wa re hudusa mono. Kana go tla itsiwe ka eng, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, nna le morafe wa gago, fa e se ka go ya ga gago le rona le ka go tlhaolwa jalo mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng, nna le morafe wa gago?” Ke fa Morena a raya Moše a re: “Le selo se o se kopileng jaanong ke tla se dira; gonne o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a me; e bile ke go itse ka leina.” Moše a re: “A ko o mpontshe kgalalelo ya gago!” Mme Morena a re: “Ke tla fetisa bontle jotlhe jwa me fa pele ga gago, ke kua leina la Morena fa pele ga gago. Ke tla tlhomogela pelo yo ke mo tlhomogelang pelo; ke utlwela botlhoko yo ke mo utlwelang botlhoko.” A ba a re: “O tla palelwa ke go bona sefatlhego sa me; gonne motho ga a ka ke ya re a mponye a phela.” Morena a boela a re: “Bona, manno a teng fa go nna; o ka ema mo lefikeng. Jaanong e tla re kgalalelo ya me e feta, ke go tsenye mo lofarong lwa lefika, ke go sireletse ka seatla sa me go ya ke be ke fete. Mme e tla re ke sena go tlosa seatla sa me, o mpone ke go hularetse. Fela sefatlhego sa me ga se ka ke sa bonwa.” Morago ga moo Morena a raya Moše a re: “Ipetlele matlapa a le mabedi a maboti a a tshwanang le ale a pele gore ke kwale mafoko mo matlapeng ao, a a neng a le mo matlapeng a pele, a o a thubagantseng. Kamoso o bo o ipaakantse, o tlhatlogele phakela mo thabeng ya Sinai, o eme fa go nna teng mo godimo ga thaba. A go se ka ga tlhatloga ope nao; le gona a go se ka ga bonwa ope mo thabeng yotlhe e; le difutshane le dikgomo di se ka tsa atamela thaba e, fa di fula.” Moše a betla matlapa a le mabedi a maboti a a tshwanang le a pele, a phakela mo mosong, a tlhatlogela mo thabeng ya Sinai jaaka Morena a mo laetse, a tshotse matlapa a mabedi a maboti ka diatla. Ke fa Morena a fologa a le mo lerung, a ema fa go ene, a kua leina la Morena. Jaanong Morena a feta fa pele ga gagwe, a kua a re: “Morena! Morena! Ke Modimo o o boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo, o o sa feleng pelo, o o letlotlo la bopelotlhomogi le boikanyego; o o bolokelang ba le dikete bopelotlhomogi; o o itshwarelang molato le tlolo le boleo, mme o sa lese ope fela o sa mmetse, mme o beletsa bana le bana ba bana tshiamololo ya borraabo go ya losikeng lwa boraro le lwa bone.” Ke fa Moše a akofa a ikobela fa fatshe, a obamela a re: “Fa ruri ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, Morena, a Morena a ke a ye le rona – gonne ke morafe wa dithamo tse di gagametseng – mme o re itshwarele molato wa rona le boleo jwa rona, o re tshole, re nne ba gago.” Ke fa Morena a araba a re: “Bona, ke tla dira kgolagano ya go re: Fa pele ga morafe otlhe wa gago ke tla dira dilo tse di gakgamatsang tse di iseng di ke di dirwe mo lefatsheng lotlhe le mo ditšhabeng tsotlhe. Mme morafe otlhe o ò leng mo gare ga ona o tla bona tiro ya Morena. Gonne di a boitshega tse ke tla di dirang ke na nao. Fela tshegetsang tse ke di lo laelang kajeno. Bonang, ke tla lo etelela pele, ke leleka Baamori le Bakanana le Bahethe le Baferesi le Bahewi le Bajebusi. Itiseng gore lo se ka lwa dira kgolagano le baagi ba lefatshe le lo tla tsenang mo go lone, e se re gongwe ba lo fetogela seru ba le mo gare ga lona. Mme lo dige dialetare tsa bone, lo thubaganye majwe a a motloutlo a bone, lo reme medimako ya bone ya Ašera. “Gonne ga lo a tshwanela go obamela modimo o sele. Gonne Morena yo leina la gagwe e leng Mofufegedi ke Modimo o o lefufa. Lo se ka lwa dira kgolagano le baagi ba lefatshe leo, e se re gongwe fa ba dira boaka ka go latela medimo ya bone ba e direla ditlhabelo, ba lo laletsa, mme lwa ja ditlhabelo tsa bone; e se re gongwe lwa batlela bomorwaa-lona bomorwadia-bone, mme ya re fa bomorwadia-bone ba dira boaka ka go latela medimo ya bone, ba dirisa bomorwaa-lona boaka ka go ba latedisa medimo ya bone. “Lo se ka lwa itirela medimo e e bopilweng. “Tshegetsang moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang, lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka sebaka sa kgwedi ya Abibi jaaka ke lo laetse. Gonne lo hudugile kwa Egepeto ka kgwedi ya Abibi. “Sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona ke sa me, e bong tse ditonanyana tsotlhe tsa maitibolo a diruiwa tsa lona a dikgomo le a difutshane. Mme leitibolo la esele lo le rekolole ka kwana; mme fa lo sa le rekolole, lo le robe molala. Lo rekolole maitibolo otlhe a bomorwaa-lona. A go se nne ope yo o bonalang fa pele ga me a iphotlhere fela. “Dirang ditiro tsa lona ka malatsi a marataro, mme ka letsatsi la bosupa lo ikhutse; le fa go lemiwa gongwe go kotulwa lo ikhutse. “Le moletlo wa dibeke lo o tshegetse, e nne wa mabutswapele a kotulo ya mabele a korong le moletlo wa go fula maungo ka bofelo jwa ngwaga. “A banna botlhe ba lona ba bonale fa pele ga Morena, Morena Modimo wa Iseraele gararo ka ngwaga. E tla re fa ke se na go lo etelela pele le go leleka ditšhaba le go atlhamolosa naga ya lona, go se ke go nne ope yo o ka eletsang lefatshe la lona, fa lo ya go bonala fa pele ga Morena Modimo wa lona, gararo ka ngwaga. “Se tliseng madi a setlhabelo sa me mmogo le tse di bedisitsweng. A setlhabelo sa Tlolaganyo se se ka sa salela ka moso. “Tse di molemo tsa mabutswapele a masimo a lona lo di ise kwa Ntlong ya Morena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa apaya potsane ka mašwi a mmaayo.” Jaanong Morena a raya Moše a re: “Kwala mafoko a; gonne ke dirile kgolagano nao le Baiseraele ka fa mafokong a.” Moše o ne a nna teng a na le Morena malatsi a le 40 le masigo a le 40, a sa je dijo a sa nwe metsi. Mme a kwala mafoko a kgolagano a le some mo matlapeng ale. E rile Moše a fologa mo thabeng ya Sinai a bo a tshotse matlapa a molao ka diatla, mme Moše a bo a sa itse gore a letlalo la sefatlhego sa gagwe le a phatsima, ka a buile le Ona. Jaanong ya re Arone le Baiseraele botlhe ba leba Moše, ba fitlhela letlalo la sefatlhego sa gagwe le phatsima; ka moo ba boifa go mo atamela. Mme Moše a ba bitsa; ke fa Arone le bagolo botlhe ba phuthego ba ya kwa go ene, mme Moše a bua nabo. Morago ga moo Baiseraele botlhe ba atamela, mme a ba laela tsotlhe tse Morena o di buileng nae kwa thabeng ya Sinai. Ya re Moše a sena go fetsa go di ba bolelela, a bipa sefatlhego sa gagwe ka lesire. Mme e ne ya re fa Moše a tsena fa pele ga Morena go bua nae, a tlose lesire go fitlhelela a be a tswe; jaanong fa a sena go tswa, a bolelele Baiseraele tse a di laetsweng. Ke fa Baiseraele ba bona sefatlhego sa ga Moše, ba fitlhela letlalo la sefatlhego sa ga Moše le phatsima, mme Moše a busetsa lesire mo sefatlhegong sa gagwe, go ya a be a tsene gape go bua nae. Jaanong Moše a kgobokanya phuthego yotlhe ya Baiseraele, a ba raya a re: “Dilo tse Morena o di laotseng gore di dirwe ke tse: A tiro e dirwe ka malatsi a marataro, mme la bosupa e nne letsatsi le le boitshepo mo go lona, e nne la Sabata la boikhutso la Morena. Mongwe le mongwe yo o dirang tiro ka lone a a bolawe. Se gotseng molelo mo lelapeng lepe la lona ka letsatsi la Sabata.” Moše a ba a raya phuthego yotlhe ya Baiseraele a re: “Tse Morena o di laotseng ke tse: Ntshetsang Morena kabelo ya di-tsa-lona. A mongwe le mongwe yo o pelotshweu a e tlise. Kabelo eo ya Morena e ka nna gouta gongwe selefera gongwe kgotlho; gongwe masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi; gongwe matlalo a diphelehu a a hubiditsweng le matlalo a dintšwa tsa lewatle gongwe dipati tsa mokgwa; gongwe mafura a setlhomo sa dipone gongwe makga a a monate a lookwane lwa tlotso le a maswalo a a nkgang monate; gongwe majwe a a tlhokegang a šohama le majwe a a tlhokegang a a gokelelwang mo khibeng ya moperesiti le mo kgwatlhaneng ya sehuba. “Jaanong a mongwe le mongwe yo o setswerere mo go lona a tle a dire tsotlhe tse Morena o di laotseng, e bong Tempelana le tente ya yona le thulelo ya yona le dikgogetso tsa yona le dipati tsa yona le mephakarego ya yona le maotwana a yona le ditlhako tsa yona; le Letlole le dithobane tsa lone le sekhurumelo sa thuanyo le lesire la go le sira; le lomati lwa dinkgwe tsa tshupo le dithobane tsa lone le didiri tsotlhe tsa lone le dinkgwe tsa tshupo; le setlhomo sa dipone se se bonegang le didiri tsa sona le dipone tsa sona le mafura a setlhomo; le aletare ya go tshuba maswalo le dithobane tsa yona le lookwane lwa tlotso le maswalo a a nkgang monate le sebipo sa mojako wa Tempelana; le aletare ya ditlhabelo tsa phiso le letloa la kgotlho la yona le dithobane tsa yona le didiri tsotlhe tsa yona; le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona; le legora lwa masela lwa lelapa le maotwana a lone le ditlhako tsa ona le sebipo sa kgoro ya lelapa; le dimapo tsa Tempelana le dimapo tsa lelapa le dithapo tsa tsona; le diaparo tsa maatlametlo tsa go direla Modimo mo Felong-ga-Boitshepo, e bong diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone moperesiti; le diaparo tsa bomorwawe go dira tiro ya boperesiti.” Ke fa phuthego yotlhe ya Baiseraele e phatlalala, e tloga fa pele ga Moše. Mme ba boa, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e ratang, mongwe le mongwe yo mowa wa gagwe o utlwisisang, ba tlisa kabelo ya Morena ya go aga Tempelana ya Boipontsho le ya tirelo yotlhe ya yona le ya diaparo tse di boitshepo. Ga tla banna le basadi, botlhe ba ba peloditshweu ba tlisa dikgokelo le manyena le dipalamonwana le dibaga, e le dilo tsa mefutafuta tsa gouta; le botlhe ba ba nayang Morena gouta ka go e kgadikanya, le botlhe ba ba nang le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi le matlalo a diphelehu a a hubiditsweng le matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba di tlisa. Mongwe le mongwe yo o ratang go ntsha kabelo ya selefera le ya kgotlho a tlisa kabelo eo ya Morena; mongwe le mongwe yo o nang le dipati tsa mokgwa tse di batlegang mo tirong yotlhe ya kago a di tlisa. Mosadi mongwe le mongwe yo o setswerere a otlha ka diatla, a tlisa tse a di otlhileng, e bong masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu. Basadi botlhe ba ba neng ba itse, ba bile ba rata ba otlha boboa jwa dipodi. Dikgosana tsone tsa tlisa majwe a a tlhokegang a šohama le majwe a a tlhokegang a a gokelelwang mo khibeng ya moperesiti le mo kgwatlhaneng ya yona le makga a a monate le mafura a setlhomo sa dipone le lookwane lwa tlotso le maswalo a a nkgang monate. Banna botlhe le basadi botlhe ba Baiseraele ba ba neng ba ikaeletse go tlisa tse di batlegang mo tirong yotlhe e Morena a e laotseng ka Moše gore e dirwe, ba tlisetsa Morena dineo tsa bopelotshweu. Mme Moše a raya Baiseraele a re: “Bonang, Morena o biditse Besalele ka leina; ke morwa Uri, morwa Hure, wa lotso lwa Juta. O mo tladitse Mowa wa Modimo o o itshupang ka botlhale le ka tlhaloganyo le ka kitso le ka botswerere mo tirong nngwe le nngwe gore a loge maano a maatlametlo, le go a dira ka gouta le ka selefera le ka kgotlho le ka go seta majwe le go a tlapisa le ka go betla dikgong le go dira tiro nngwe le nngwe e e batlang botswerere. Le gona o tsentse neo mo pelong ya gagwe ya go ruta ba bangwe, ene le Oholiabe, morwa Ahisamage, wa lotso lwa Dane. Bao o ba tladitse botlhale jwa pelo gore ba itse go dira ditiro tsotlhe tsa go seta le tsa go loga masela a a ditshwantsho le masela a a mebalabala le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le tsa go loga masela a mangwe. Ba tla dira ditiro tsotlhe, ba loga maano a maatlametlo. “Jaanong a Besalele le Oholiabe le banna botlhe ba ba tlhalefileng pelo, ba Morena o ba fileng botlhale le tlhaloganyo gore ba itse go dira tiro yotlhe ya go aga Ntlo e e Boitshepo, a ba e dire fela jaaka Morena a laetse.” Mme Moše a bitsa Besalele le Oholiabe le banna botlhe ba ba botlhale ba Morena o tsentseng botlhale mo dipelong tsa bone, botlhe ba ba ikaeletseng go ya tirong le go e dira. Ba amogela mo go Moše kabelo tsotlhe tse Baiseraele ba di ntsheditseng tiro ya go aga Ntlo e e Boitshepo gore e dirwe ka tsona. Mme batho ba nna ba tlisa dineo kwa go ene mo mosong mongwe le mongwe ka bopelotshweu. Ke fa batlhalefi botlhe ba ba dirang tiro yotlhe ya Ntlo e e Boitshepo ba tla, mongwe le mongwe a tswa kwa tirong e a e tshwereng, ba raya Moše ba re: “Batho ba tlisa tse dintsi go feta tse di batlegang mo tirong ya kago e Morena o laotseng gore e dirwe.” Jaanong Moše a laola gore go opiwe mokgosi mo bothibelelong o o reng: “A banna le basadi ba se tlhole ba dira sepe sa go oketsa kabelo ya Ntlo e e Boitshepo.” Ke fa batho ba khutla go tlisa. Tse di neng di ntshitswe di ne tsa ba lekana mo tirong yotlhe go e fetsa, tsa ba tsa sala. Botlhe ba ba pelo-di-tlhalefileng mo go ba ba tshwereng tiro, ba aga Tempelana ka masela a le some, e le a masweu a a ditlhale-pedi le a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi. Oholiabe a loga masela a a nang le ditshwantsho tsa boKerubime ka botswerere. Lesela lengwe le lengwe la bo le na le boleele jwa mabogo a le 28 le bophara jwa mabogo a le mane; masela otlhe a na le selekanyo se le sengwe fela. Oholiabe a rokaganya masela a le matlhano, a ba a rokaganya gape masela a matlhano a mangwe. A dira digole tsa lesela le lebududu fa mafelelong a lesela lengwe le le fa thoko ga thokaganyo ya ntlha; a dira jalo gape fa mafelelong a lesela la bofelo la thokaganyo ya bobedi. A dira digole di le 50 mo leseleng la ntlha, a dira digole di le 50 gape fa mafelelong a lesela le le mo thokaganyong ya bobedi, digole di lebanye. Le gona a dira dikgogetso tsa gouta di le 50, a tshwaraganya masela a mabedi ao ka dikgogetso tseo. Moago wa nna o le mongwe jalo. Gape a dira masela a boboa jwa dipodi gore e nne thulelo ya tente godimo ga Tempelana. A dira masela a le 11 a a ntseng jalo. Lesela lengwe le lengwe la bo le na le boleele jwa mabogo a le 30 le bophara jwa mabogo a le mane. Masela a le 11 ao a ne a lekalekana. A rokaganya masela a matlhano go sele, le masela a marataro a mangwe go sele. A dira digole di le 50 fa mafelelong a lesela la bofelo la thokaganyo ya ntlha; a ba a dira digole di le 50 fa mafelelong a lesela la bofela la thokaganyo ya bobedi. Le gona a dira dikgogetso tsa kgotlho di le 50 go tshwaraganya tente ka tsona gore e nne nngwe fela. Le gona a direla Tempelana thulelo ya matlalo a diphelehu a a hubiditsweng le thulelo gape ya matlalo a dintšwa tsa lewatle ka fa godimo ga yona. A ba a direla Tempelana lebota la dipati tsa mokgwa. Lobati longwe le longwe lo ne lo na le boleele jwa mabogo a le some le bophara jwa letsogo le bontlhanngwe jwa lone. Lobati longwe le longwe lo ne lo na le malomelo a le mabedi a a lebaganyeng; a a direla dipati tsotlhe tsa Tempelana. Fa e le dipati tsa Tempelana a direla lotlhakore lwa borwa dipati di le 20. Dipati tse di 20 tseo a di direla ditlhako tsa selefera di le 40; a direla malomelo a mabedi a lobati longwe le longwe ditlhako di le pedi. Le gona a direla lotlhakore lwa bobedi lwa Tempelana lo lo lebileng kwa bokone dipati di le 20 le ditlhako di le 40 tsa tsona tsa selefera, ditlhako di le pedi ka fa tlase ga lobati longwe le longwe. Morago wa Tempelana o o hularetseng bophirimatsatsi a o direla dipati di le 6. Dikhutlo tsa Tempelana ka kwa morago a di direla dipati di le pedi. Tsa bo di pataganye go tswa kwa tlase di le mmogo, di pataganye go ya kwa godimo go fitlha molepong wa ntlha. A direla tsoo pedi jalo, e bong dikhutlo tse pedi. E ne e le dipati di le 8, ditlhako tsa tsona tsa selefera e le ditlhako di le 16, ditlhako di le pedi fa tlase ga lobati longwe le longwe. Le gona a dira mephakarego ka dikota tsa morukuru, e le metlhano ya dipati tsa lotlhakore longwe lwa Tempelana, le mephakarego e le metlhano ya dipati tsa lotlhakore lwa bobedi lwa Tempelana, le mephakarego e le metlhano ya dipati tsa morago wa Tempelana o o hularetseng bophirimatsatsi. Jaanong a dira mophakarego o o fa gare gore a kgabaganye dipati ka bogare go tswa ka fa go ya ka fa. A manega dipati gouta, a dira melepo ya tsona ka gouta go somela mephakarego mo go yona. Le mephakarego a e manega gouta. Le gona a dira lesire ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi; a logela boKerubime mo go lone jaaka setswerere. A le direla maotwana a le mane a mokgwa, a a manega gouta; dikgoge tsa ona e le tsa gouta; a a bopela ditlhako di le nne tsa selefera. Le mojako wa Tempelana a o direla sebipo ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi, se logilwe ke mologi wa masela a a marabata; le maotwana a le matlhano a sona le dikgoge tsa ona. A manega ditlhogo tsa ona le melepo ya ona gouta, ditlhako tse tlhano tsa ona e le tsa kgotlho. Mme Besalele a dira Letlole ka dipati tsa mokgwa; boleele jwa lone e le mabogo a le mabedi le bontlhanngwe; bophara jwa lone e le letsogo le bontlhanngwe; bogodimo jwa lone e le letsogo le bontlhanngwe. A le manega gouta e e sa pekwang ka fa teng le ka fa ntle, a le gaola ka gouta mo tikologong. A le bopela melepo e le mene ya gouta mo maotwaneng a mane a lone; e le mebedi mo lotlhakoreng longwe lwa lone, e mebedi e mengwe mo lotlhakoreng lwa bobedi lwa lone. A ba a betla dithobane tsa morukuru, a di manega gouta. A somela dithobane tseo mo melepong fa ditlhakoreng tsa Letlole go le sikara. Le gona a dira sekhurumelo sa thuanyo sa lone ka gouta e e sa pekwang, boleele jwa sona e le mabogo a le mabedi le bontlhanngwe, bophara jwa sona e le letsogo le bontlhanngwe. A ba a dira boKerubime ba le babedi ba gouta, a ba thula ka gouta e e kwenneng mo ntlheng tse pedi tsa sekhurumelo; Kerubime mongwe a le mo ntlheng eno, Kerubime yo mongwe a le mo ntlheng ele; a dira boKerubime mo ntlheng tse pedi tsa sekhurumelo sa thuanyo; bone ba bo ba direleletswe mo go sona ka gouta e le nngwe. BoKerubime ba bo ba tsharololetse diphuka kwa godimo, ba okame sekhurumelo sa thuanyo ka diphuka tsa bone. Difatlhego tsa bone tsa bo di lebanye. Difatlhego tsa boKerubime tsa bo di lebile sekhurumelo sa thuanyo. Le gona a dira lomati lwa bojelo ka dipati tsa mokgwa; boleele jwa lone e le mabogo a le mabedi; bophara jwa lone e le letsogo; bogodimo jwa lone e le letsogo le bontlhanngwe. A lo manega gouta e e sa pekwang; a lo gaola ka gouta mo tikologong. A lo direla losi ka logong lwa bophara jwa seatla mo tikologong; a gaola losi loo ka gouta mo tikologong. A lo bopela melepo e le mene ya gouta, a gokelela melepo eo mo dikhutlong tse nne tsa maoto a lone. Melepo e ne e le fa tlase ga losi, e le masomelo a dithobane tsa go sikara lomati lwa bojelo loo. A betla dithobane tsa morukuru go sikara lomati ka tsona, a di manega gouta. Le gona a dira didiri tse di mo lomating, e bong megopo ya lone le dijana tsa lone le digo tsa lone le dinkgwana tse di dirisiwang mo tshupelong ya noo; a di dira ka gouta e e sa pekwang. Le gona a dira setlhomo sa dipone sa gouta e e sa pekwang. A dira setlhomo le matshego a sona le kutu ya sona ka gouta e e thudilweng. Dikgolokwane tsa sona, e bong dinoko tsa sona le dithunya tsa sona tsa bo di direleletswe mo go sona ka gouta e le nngwe. Jaanong go tswa dikala di le thataro mo ditlhakoreng tsa sona; dikala di le tharo tsa setlhomo mo lotlhakoreng longwe lwa sona le dikala tse tharo tsa setlhomo mo lotlhakoreng lwa bobedi lwa sona. Kala nngwe le nngwe e ne e na le dikgolokwane tse tharo tse e kete ke dithunya tsa moamantele, e le noko le sethunya; dikala tse thataro tsa setlhomo di ne di ntse jalo. Mo kutung ya setlhomo go ne go le dikgolokwane di le nne tse e kete ke dithunya tsa moamantele, e le dinoko tsa sona le dithunya tsa sona: Go ne go le noko kwa godimo; gape go le noko fa tlase ga dikala tse pedi tsa ntlha tsa sona; gape go le noko fa tlase ga dikala tse pedi tsa bobedi tsa sona; gape go le noko fa tlase ga dikala tse pedi tsa boraro tsa sona. Go ne go le jalo mo dikaleng tse thataro tsa sona. Dinoko tsa tsona le dikala e ne e le tsa gouta e le nngwe fela mmogo le kutu; setlhomo sotlhe e ne e le gouta e le nngwe e e thudilweng e e sa pekwang. Le gona a dira dipone tse supa tsa sona le dipomo tsa sona le dipomelo tsa sona ka gouta e e sa pekwang. A se dira le didiri tsotlhe tsa sona ka talente e le nngwe ya gouta e e sa pekwang. Le gona a dira aletare ya go tshuba maswalo ka dipati tsa mokgwa; boleele jwa yona e le letsogo, le bophara jwa yona e le letsogo; e na le dikhutlo tse nne; bogodimo jwa yona e le mabogo a le mabedi. Dinaka tsa yona tsa fetela kwa tlase go nna maoto. A e manega gouta e e sa pekwang, e bong bophaphathi jwa yona le dithoko tsotlhe tsa yona le dinaka tsa yona; a e gaola ka gouta mo tikologong. A e direla melepo e le mebedi ya gouta fa tlase ga segaolo mo ntlheng tse pedi mo ditlhakoreng tse pedi tsa yona, e le masomelo a dithobane tse e sikarwang ka tsona. A betla dithobane tsa morukuru, a di manega gouta. Le gona a dira lookwane lwa tlotso lo lo boitshepo le tse di nkgang monate tse di sa pekwang tsa go kuisa musi, jaaka go dira motlhakanyi wa ditswaiso le ditlôlô. Le gona a dira aletare ya ditlhabelo tsa phiso ka dipati tsa mokwa; boleele jwa yona le bophara jwa yona e le mabogo a le matlhano; e lekalekana ka dikhutlo tse nne tsa yona; bogodimo jwa yona e le mabogo a le mararo. A dira dinaka tsa yona mo dikhutlong tse nne tsa go nna maoto a yona; a e manega kgotlho. A ba a dira didiri tsotlhe tsa aletare, e bong diolola-melora le digopa-melora le megopo le ditlhaba-nama le digokolelo. Didiri tsotlhe tsa yona a di dira ka kgotlho. A tswala aletare fa gare ga maoto a yona ka letloa la kgotlho; le le fa tlase ga maemo a yona go simolola fa fatshe go e kgaola ka bogare. A bopela dikhutlo tse nne tsa letloa la kgotlho melepo e le mene go nna masomelo a dithobane. Dithobane tseo a di dira ka morukuru, a di manega kgotlho. A ba a somela dithobane mo melepong e e mo ditlhakoreng tsa aletare gore e sikarwe ka tsona. A e dira ka dipati, ya nna logapa ka mo teng. Le gona a dira mogopo o o tlhapelang wa kgotlho le lekoto la ona la kgotlho ka diiponi tsa basadi ba ba tshwereng tiro fa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho. Le gona a dira lelapa: Lotlhakore lo lo mo ntlheng ya borwa lo ne lo na le logora lwa masela a masweu a a ditlhale-pedi a a lepeletseng a mabogo a le 100. Maotwana a ona a ne a le 20 le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di ne di le 20; dikgoge tsa maotwana le melepo ya ona e ne e le tsa selefera. Le lotlhakore lwa bokone lo ne lo na le masela a mabogo a le 100, maotwana a ona a le 20 le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di le 20; dikgoge tsa maotwana le melepo ya ona e le tsa selefera. Le morago o o hularetseng bophirimatsatsi a o direla masela a a lepeletseng a mabogo a le 50; maotwana a ona a le 10 le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di le 10. Dikgoge tsa maotwana le melepo ya ona e le tsa selefera. Le lepele ntlheng ya botlhabatsatsi la mabogo a le 50, a le direla masela a a lepeletseng a mabogo a le 15 mo ntlheng nngwe ya kgoro; maotwana a ona a le mararo le ditlhako tsa ona di le tharo. Gape a le direla masela a a lepeletseng a mabogo a le 15 mo ntlheng ya bobedi ya kgoro ya lelapa go le jalo mo ntlheng tsoo pedi. Maotwana a ona a le mararo le ditlhako tsa ona di le tharo. Masela otlhe a a lepeletseng a lelapa mo tikologong e ne e le a masweu a a ditlhale-pedi. Ditlhako tsa maotwana e le tsa kgotlho. Dikgoge tsa maotwana le melepo ya ona e le tsa selefera. Manego ya ditlhogo tsa ona e le ya selefera. Maotwana otlhe a lelapa a na le mephakarego ya selefera. Sebipo sa kgoro ya lelapa se ne se logilwe ka masela a a marabata; e le sa masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi. Boleele jwa sona e le mabogo a le 20, bogodimo jwa sona e le mabogo a le 5 go lekana le bophara jwa masela a a lepeletseng a lelapa. Maotwana a sona a ne a le mane le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di le nne; dikgoge tsa ona e le tsa selefera le manego ya ditlhogo tsa ona le mephakarego ya ona e le tsa selefera. Dimapo tsotlhe tsa Tempelana le tsa lelapa tikologong e ne e le tsa kgotlho. Fano go bolelwa palo ya ditshenyegelo tsa go aga Tempelana, Tempelana ya Tshupo, tse di badilweng ke Balefi ka taelo ya ga Moše, ba okametswe ke Ithamare, morwa Arone, moperesiti. Besalele, morwa Uri, morwa Hure, wa lotso lwa Juta, a dira tsotlhe tse Morena a di laetseng Moše; Oholiabe, morwa Ahisamage, wa lotso lwa Dane, a na nae, e le moseti le mologi wa masela a a ditshwantsho le a a mebalabala a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu. Gouta yotlhe e e dirisitsweng mo tirong yotlhe ya go aga Ntlo e e Boitshepo e ne e le gouta ya dikabelo tsa ditalente di le 29 le ya dišekele di le 730, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo. Mme selefera e e ntshitsweng ke ba ba badilweng ba phuthego e ne e le ditalente di le 100 le dišekele di le 1 775, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo. Beka e le nngwe ya ntshiwa ke tlhogo ya motho, ke bontlhanngwe jwa šekele, jwa šekele ya Felo-ga-Boitshepo; ya ntshiwa ke mongwe le mongwe yo o ileng a balwa go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le go feta foo, ke ba le 603 550. Ditalente di le 100 tsa selefera ke tsona tse go bopilweng ditlhako tsa Tempelana le ditlhako tsa lesire la yona ka tsona. Ditalente di le 100 tsa dira ditlhako di le 100. Talente e le nngwe ya dira setlhako. Mme o ne a dira dikgoge tsa maotwana, a manega ditlhogo tsa ona, a a direla mephakarego ka selefera ya dišekele di le 1 775. Kgotlho e e abetsweng Tempelana e ne e le ditalente di le 70 le dišekele di le 2 400. Ka yona Besalele a dira ditlhako tsa mojako wa Tempelana ya Boipontsho le aletare ya kgotlho le letloa la kgotlho la yona le didiri tsotlhe tsa aletare le ditlhako tsa lelapa tikologong le ditlhako tsa kgoro ya lelapa le dimapo tsotlhe tsa Tempelana le dimapo tsotlhe tsa lelapa mo tikologong. Le gona ba ne ba dira diaparo tse di logilweng sentle tsa go direla mo Tempelaneng ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi; ba dira diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone jaaka Morena a laetse Moše. Ba dira khiba ka gouta le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi. Ba papetla gouta ya nna letsatsanyana, ba e sega ditlhale go di logela mo maseleng a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu, e le tiro ya mologi wa masela a a ditshwantsho. Khiba ba e direla dibata tsa magetla tse di tshwaragantsweng; tsa gokelelwa mo go yona mo dintlheng tse pedi. Moitlamo wa yona e ne e le wa lesela le le lengwe nayo, o dirilwe jaaka yona ka gouta le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi, jaaka Morena a laetse Moše. Le gona ba betla majwana a a tlhokegang a šohama, a tsenngwa mo khuparelong ya gouta, a gwaiwa maina a bomorwa Iseraele jaaka go gwaiwa sekano. Ba a gokelela mo dibateng tsa magetla tsa khiba, e le majwana a go gopola Baiseraele, jaaka Morena a laetse Moše. Le gona ba dira kgwatlhana ya sehuba, e le tiro ya setswerere e logilwe jaaka khiba ka gouta le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi. E ne e na le dikhutlo di le nne; ba dira kgwatlhana e pataganye; boleele le bophara jwa yona bo ne bo lekana le seatla, e menagantswe. Ba e goma ka methalo e mene ya majwana a a tlhokegang; mo mothalong wa ntlha go tlhomaganye majwana a kareneole le topase le semarage. Mo mothalong wa bobedi go le rubine le safire le jasepise. Mo mothalong wa boraro go le hiasinte la agate le amethisete. Mo mothalong wa bone go le kerisolite le šohama le onikese; a tlapisitswe ka gouta e a huparetse. Majwana ao a ne a le some le bobedi ka fa maineng a bomorwa Iseraele; lentswana lengwe le lengwe la bo le na le leina la lotso longwe lwa ditso tse di 12, le kwadilwe ka go gwaiwa jaaka sekano. Le gona ba dira dikeetane tse di tshophilweng tsa gouta e e sa pekwang mo kgwatlhaneng, di tshophilwe jaaka megala. Ba ne ba dira matshwaro a mabedi a gouta le mefitshane e mebedi ya gouta; ba gokelela mefitshane e mebedi mo dikhutlong tse pedi tsa kgwatlhana tse di kwa godimo. Ba gokelela dikeetane tse pedi tsa gouta mo mefitshaneng e mebedi fa dikhutlong tsa kgwatlhana. Mme dintlha tse pedi tse dingwe tsa dikeetane tse pedi tseo ba di gokelela mo matshwarong a a gokeletsweng mo dibateng tsa khiba fa pele ga yona. Ba dira mefitshane e le mebedi ya gouta gape, ba e gokelela mo dikhutlong tse pedi tse di kwa tlase tsa kgwatlhana fa mafelelong a yona a a potileng ka fa khibeng ka fa teng. Ba dira mefitshane e le mebedi ya gouta gape, ba e gokelela mo dibateng tse pedi tsa magetla tsa khiba ka fa pele fa tlase, fa e tshwaragantsweng natso teng fa godimo ga moitlamo wa khiba. Ba gokelela kgwatlhana ka mogala o mobududu o o tswang mo mefitshaneng ya yona, o ya kwa mefitshaneng ya khiba gore kgwatlhana e pote ka fa godimo ga moitlamo wa khiba, mme e se ka ya suta, le fa e le go tloga mo khibeng, jaaka Morena a laetse Moše. Le gona ba dira kobo e kgolo e e ka fa teng ga khiba, e le tiro ya mologi, e le ya lesela le lebududu gotlhe. Ba dira phatlha ya go tsenya tlhogo mo kobong e kgolo e e tshwanang le phatlha ya seaparo sa tshipi sa motlhabani. Phatlha ya yona e ne e na le momeno gore e se ka ya gagoga. Le gona ba dira digaranata tsa lesela le lebududu le la bohibidu jwa bofifadu le la bohibidu jwa madi le le lesweu le le ditlhale-pedi mo mafelelong a kobo e kgolo kwa tlase. Gape ba dira ditshipinyana tse di lelang tsa gouta e e sa pekwang, ba tlhabakanya ditshipinyana le digaranata fa mafelelong a kobo e kgolo kwa tlase go potologa kobo yotlhe. Tshipinyana nngwe le nngwe e ne e bapile le garanata di ntse di tlhabakana mo mafelelong a a kwa tlase a kobo e kgolo, di dikologa jalo; e le tsa go direla mo Tempelaneng jaaka Morena a laetse Moše. Le gona ba direla Arone le bomorwawe dihempe tsa masela a masweu tse di logilweng le serwalo sa lesela le lesweu le ditlhoro tsa mokgabo tsa lesela le lesweu; le marokgwe a lesela le lesweu le le ditlhale-pedi; le moitlamo wa masela a masweu a a ditlhale-pedi le a mobududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi, ka mokgwa wa go loga marabata, jaaka Morena a laetse Moše. Le gona ba dira papetlana ya serwalo se se boitshepo ka gouta e e sa pekwang, ba kwala mo go yona jaaka go gwaiwa sekano ba re: “O itshepetse Morena!” Ba gokelela mogala o mobududu mo go yona gore e tshegediwe kwa godimo mo serwalong jaaka Morena a laetse Moše. Tiro yotlhe ya Tempelana ya Tente ya Boipontsho ya fediwa jalo. Baiseraele ba e dirile fela jaaka Morena a laetse Moše, ba e dira jalo. Jaanong ba tlisa Tempelana kwa go Moše, e le tente le dilo tsotlhe tsa yona, e bong dikgogetso tsa yona le dipati tsa yona le mephakarego ya yona le maotwana a yona le ditlhako tsa yona; le thulelo ya matlalo a diphelehu a a hubiditsweng le thulelo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle le lesire le le sirang; le Letlole la Tshupo le dithobane tsa lone le sekhurumelo sa thuanyo; le lomati le didiri tsotlhe tsa lone le dinkgwe tsa tshupo; le setlhomo sa dipone sa gouta e e sa pekwang le dipone tsa sona, dipone di rulagantswe, le didiri tsotlhe tsa sona le mafura a setlhomo; le aletare ya gouta le lookwane lwa tlotso le maswalo a tse di nkgang monate le sebipo sa mojako wa Tempelana; le aletare ya kgotlho le letloa la kgotlho la yona le dithobane tsa yona le didiri tsotlhe tsa yona le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona; le masela a a lepeletseng a lelapa le maotwana a lone le ditlhako tsa ona le sebipo sa kgoro ya lelapa le dithapo tsa lone le dimapo tsa lone le dilo tsotlhe tsa tirelo ya Tempelana ya Tente ya Boipontsho; le diaparo tse di logilweng sentle tsa go direla mo Ntlong e e Boitshepo, e bong diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone, moperesiti, le diaparo tsa bomorwawe tsa go direla e le baperesiti. Baiseraele ba dirile tiro yotlhe fela jaaka Morena a e laetse Moše. Jaanong Moše a leba tiro yotlhe, a fitlhela ba e dirile ka fa Morena a laetseng ka teng; ba e dirile fela jalo. Ke fa Moše a ba tshegofatsa. Morena a raya Moše a re: “Tlhoma Tempelana ya Tente ya Boipontsho ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha. O tsenye Letlole la Tshupo mo go yona o sire Letlole ka lesire. O ise lomati mo teng, o rulaganye tse di tshwanetseng mo go lone; o ise setlhomo sa dipone mo teng, o tlhome dipone tsa sona. O bee aletare ya gouta ya maswalo fa pele ga Letlole la Tshupo, o pege sebipo sa mojako wa Tempelana. “Aletare ya ditlhabelo tsa phiso o e bee ka fa ntle ga mojako wa Tempelana ya Tente ya Boipontsho. Mogopo o o tlhapelang o o bee fa gare ga Tempelana ya Boipontsho le aletare eo, o tshele metsi mo go ona. O age logora lwa lelapa mo tikologong, o pege sebipo sa kgoro ya lelapa. “O be o tsee lookwane lwa tlotso, o tlotse Tempelana le tsotlhe tse di mo go yona, o e itshepise jalo le dilo tsotlhe tsa yona gore e nne boitshepo. O tlotse aletare ya ditlhabelo tsa phiso le didiri tsotlhe tsa yona, o itshepise aletare gore aletare e nne boitshepotshepo. O tlotse mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona, o o itshepise jalo. “O atametse Arone le bomorwawe kwa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho, o ba tlhapise ka metsi. O apese Arone diaparo tse di boitshepo, o mo tlotse, o mo itshepise jalo gore a ntirele e le moperesiti. O be o atametse bomorwawe, o ba apese dihempe, o ba tlotse jaaka o tloditse rraabo gore ba ntirele e le baperesiti. Mme go tlodiwa ga bone go tla fetisetsa boperesiti jo bo sa khutleng mo ditshikeng tsa bone.” Moše a dira tsotlhe fela jaaka Morena a mo laetse. Tempelana ya tlhomiwa jalo ka la ntlha la kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa bobedi. Moše a tlhoma Tempelana, a baya ditlhako tsa yona, a emisa dipati tsa yona, a tsenya mephakarego ya tsona, a tlhoma maotwana a yona. A tsharolola thulelo ya tente mo godimo ga Tempelana, a baya matlalo a thulelo ya tente mo godimo ga yona jaaka Morena a laetse Moše. A ba a tsaya matlapa a molao, a a tsenya mo Letloleng, a somela dithobane mo melepong ya Letlole, a khurumela Letlole ka sekhurumelo sa thuanyo. A isa Letlole mo teng ga Tempelana, a pega lesire la masela, a sira Letlole la Tshupo jaaka Morena a laetse Moše. A baya lomati mo Tempelaneng ya Boipontsho mo lotlhakoreng lwa bokone lwa moago ka fa ntle ga lesire. A baya dinkgwe mo go lone ka thulaganyo fa pele ga Morena, jaaka Morena a laetse Moše. A baya setlhomo sa dipone mo Tempelaneng ya Boipontsho, sa lebana le lomati, se le mo lotlhakoreng lwa borwa lwa moago. A tlhoma dipone fa pele ga Morena jaaka Morena a laetse Moše. A baya aletare ya gouta mo Tempelaneng ya Boipontsho ka fa ntle ga lesire, a tshuba maswalo a a nkgang monate mo go yona, jaaka Morena a laetse Moše. A pega sebipo sa mojako wa Tempelana. Mme aletare ya ditlhabelo tsa phiso a e baya ka fa ntle ga mojako wa moago, mo lapeng la Tempelana ya Boipontsho, a dira setlhabelo se se fisiwang le tshupelo ya dijo mo go yona jaaka Morena a laetse Moše. Mogopo o o tlhapelang a o baya fa gare ga Tempelana ya Boipontsho le aletare, a tshela metsi a go tlhapa mo go ona. Jaanong Moše le Arone le bomorwawe ba tlhapa diatla le dinao ka ona. E ne ya re fa ba tsena mo Tempelaneng ya Boipontsho gongwe ba atamela aletare, ba tlhape jaaka Morena a laetse Moše. A aga logora lwa lelapa mo tikologong ya Tempelana mmogo le aletare, a pega sebipo sa kgoro ya lelapa. Moše a fetsa tiro yotlhe jalo. Ke fa leru le khurumetsa Tempelana ya Boipontsho le kgalalelo ya Morena e tlala ka moago. Mme Moše a palelwa ke go tsena mo Tempelaneng ya Boipontsho, ka gonne leru le ne le le mo godimo go yona le kgalalelo ya Morena e tletse ka moago. E ne ya re fa leru le tlhatloga mo moagong, Baiseraele ba bothologe ba tsene mo mesepelong yotlhe ya bone. Mme fa leru le sa tlhatloge, ba se ke ba tloge, go fitlhelela letsatsing le, le tlhatlogang ka lone. Gonne leru la Morena le ne le le mo godimo ga moago motshegare, mme bosigo go le molelo mo go lone fa pele ga matlho a Baiseraele botlhe mo mesepelong yotlhe ya bone. Morena o ne a bitsa Moše, a bua nae a le mo Tenteng ya Boipontsho a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re fa mongwe wa lona a rata go tlisetsa Morena neo ya tlhabelo, gona lo tlise neo tsa tlhabelo tsa lona tse di tswang mo diruiweng, e bong mo dikgomong gongwe mo difutshaneng. Fa neo ya gagwe e le setlhabelo sa kgomo, a a tlise poo e e se nang bogole; a e ise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho gore a tle a natefele Morena. A be a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa phiso; foo se tla lejwa ke Modimo ka kgatlhego mo boemong jwa gagwe, e le se se mmatlelang boitshwarelo. Jaanong a tlhabe poo fa pele ga Morena, mme bomorwa Arone, baperesiti, ba tlise madi, ba a kgatshe mo aletareng tikologong e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho. A be a bue setlhabelo sa phiso, a se kgaoganye dirwe. Mme bomorwa Arone moperesiti ba gotse molelo mo aletareng, ba rulaganye dikgong mo molelong. Bomorwa Arone baperesiti ba be ba rulaganye dirwe le tlhogo le lomipi mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo aletareng. Mme mala a yona le memomo ya yona a a di tlhatswe ka metsi, mme moperesiti a di fise tsotlhe mo aletareng, e le setlhabelo sa phiso, sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng. “ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa phiso e le ya difutshane, le fa e le ya dinku gongwe ya dipodi, a a tlise e tonanyana e e se nang bogole. A be a e tlhabe fa thoko ga aletare ntlheng ya bokone fa pele ga Morena, mme bomorwa Arone, baperesiti, ba kgatshe madi a yona mo aletareng tikologong. A be a e kgaoganye dirwe, mme moperesiti a di rulaganye mmogo le tlhogo ya yona le lomipi lwa yona mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo aletareng. Mme mala le memomo a a di tlhatswe ka metsi, mme a moperesiti a di tlise tsotlhe, a di fise mo aletareng, e le setlhabelo sa phiso sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng. “ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa phiso sa Morena e le ya dinonyane, gona a a tlise neo ya gagwe e le ya maphoi gongwe ya maebana. A moperesiti a e ise kwa aletareng, a e soke tlhogo, a e fise mo aletareng, mme madi a yona a a gamolele mo lotlhakoreng lwa aletare. A a tlose sejelo sa yona le diphafa tsa teng, a di latlhele fa thoko ga aletare ntlheng ya botlhabatsatsi mo felong ga molora. Jaanong a a e robe diphuka, mme a se ka a di kgaola, mme moperesiti a e fise mo aletareng mo godimo ga dikgong tse di mo molelong, e le setlhabelo sa phiso, sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng. “ ‘Fa motho a tlisetsa Morena neo ya tshupelo ya dijo, a neo ya gagwe e nne bupe jo bo boleta, a tshele lookwane mo go jona, a be a bee tse di nkgang monate mo go jona. A be a e ise kwa go bomorwa Arone, baperesiti, jaanong moperesiti a tabole tse di fisiwang mo go tsona, e bong bupe bo tletse seatla le lookwane lwa teng mmogo le tse di nkgang monate tsotlhe tsa teng, a di fise mo aletareng, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng. Mme tse di setseng tsa tshupelo ya dijo ke tsa ga Arone le bomorwawe; ke tse di boitshepotshepo tsa ditshupelo tsa molelo tsa Morena. “ ‘Mme fa o tlisa neo ya tshupelo ya dijo ya tse di besitsweng mo sebesong a e nne tsa bupe jo bo boleta, e ka nna dinkgwe tse di sa bedisiwang di dubilwe ka lookwane, gongwe dinkgwana tse dipapetla tse di sa bedisiwang di tshasitswe lookwane. “ ‘Mme fa neo ya gago e le tshupelo ya dijo tse di gadikilweng mo paneng, a e nne tsa bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane di sa bedisiwa. Di ngathoganye dithathana, o tshele lookwane mo go tsona. Tse di jalo ke tshupelo ya dijo. “ ‘Mme fa neo ya gago e le tshupelo ya dijo tse di apeilweng mo pitseng, a di dirwe ka bupe jo bo boleta le lookwane. Tshupelo ya dijo e e dirilweng ka tseo o e tlisetse Morena, e neelwe moperesiti, mme ene a e ise kwa aletareng. Jaanong a moperesiti a tsee tse di fisiwang tsa tshupelo ya dijo, a di fise mo aletareng, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng. Tse di setseng tsa tshupelo ya dijo ke tsa ga Arone le bomorwawe; ke tse di boitshepotshepo tsa melelo ya Morena. “ ‘A go se nne tshupelo epe ya dijo e lo e tlisetsang Morena e e dirwang ka tse di bedisitsweng. Lo se ka lwa fisa sepe sa letlhabego le e seng sepe sa mafura a dinotshe go nna tshupelo ya molelo ya Morena. Tsona lo ka di tlisetsa Morena e le neo ya mabutswapele, fela di se ka tsa tla mo aletareng go nna monko o o monate. Neo nngwe le nngwe ya tshupelo ya dijo ya gago o e loke ka letswai. O se ka wa tlhokisa tshupelo ya dijo ya gago letswai la kgolagano ya Modimo wa gago. Tlisa letswai mmogo le tshupelo nngwe le nngwe ya gago. Mme fa o tlisetsa Morena tshupelo ya dijo ya mabutswapele, o tlise diako tse di besitsweng ka molelo gongwe mabele a mašwa a a somotsweng, e le tshupelo ya dijo ya mabutswapele a gago. Fela o tshele lookwane mo go yona, o be o bee tse di nkgang monate mo go yona. Le tseo ke tshupelo ya dijo. Mme tse di fisiwang tsa yona tsa mabele a a somotsweng le lookwane lwa teng a moperesiti a di fise mmogo le tse di nkgang monate tsotlhe. Tseo ke tshupelo ya molelo ya Morena. “ ‘Fa neo ya motho e le setlhabelo sa tebogo se a se ntshang mo dikgomong e tonanyana gongwe e namagadi, a a tlise e e se nang bogole fa pele ga Morena. A be a bee letsogo mo tlhogong ya neo ya tlhabelo ya gagwe, a e tlhabe fa mojakong wa Tente ya Boipontsho, mme bomorwa Arone baperesiti ba kgatshe madi mo aletareng tikologong. A be a tlise tse dingwe tsa setlhabelo sa tebogo tsa molelo wa Morena, e bong lomipi lo lo apesang mogodu le mafura otlhe a a mo maleng, le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona a a mo dinokeng le mafura a a bapileng le sebete, a a tlose fa diphilong. A bomorwa Arone ba di fise mo aletareng mo godimo ga setlhabelo sa phiso se se mo godimo ga dikgong tse di mo molelong; ke setlhabelo sa molelo sa monko o o monate mo Moreneng. “ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa tebogo e le ya difutshane, a a tlise e e se nang bogole, e tonanyana gongwe e namagadi. Fa neo e a e tlisang e le kwana, a a e tlise fa pele ga Morena, a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa gagwe, a se tlhabe fa pele ga Tente ya Boipontsho, mme a bomorwa Arone ba kgatshe madi a sona mo aletareng tikologong. A be a tlise tse dingwe tsa setlhabelo sa tebogo tsa molelo wa Morena, e bong mogatla otlhe wa yona o o mafura, a o kgaole fa thitong, le lomipi lo lo apesitseng mogodu le mafura otlhe a a mo maleng le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona a a mo dinokeng le mafura a a bapileng le sebete, a a tlose fa diphilong. Jaanong a moperesiti a di fise mo aletareng, e le dijo tsa tshupelo ya molelo ya Morena. “ ‘Mme fa neo ya tlhabelo ya gagwe e le podi, a a e tlise fa pele ga Morena, a bee letsogo mo tlhogong ya yona a e tlhabe fa pele ga Tente ya Boipontsho, mme a bomorwa Arone ba kgatshe madi a yona mo aletareng tikologong. A be a tlise tse dingwe tsa yona e le neo ya tlhabelo ya gagwe ya molelo wa Morena, e bong lomipi lo lo apesitseng mogodu le mafura otlhe a a mo maleng le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona a a mo dinokeng le mafura a a bapileng le sebete, a a tlose fa diphilong. Jaanong a moperesiti a di fise mo aletareng, e le dijo tsa molelo tsa monko o o monate mo Moreneng. Mafura otlhe ke a Morena. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona mo meagong yotlhe ya lona gore lo se ka lwa ja mafura ape le e seng madi ape.’ ” Morena a ba a bua le Moše a re: “Raya Baiseraele o re: ‘Fa motho a leofela nngwe ya ditaolo tsa Morena ka go sa itse, a dira sengwe sa dilo tse di sa tshwanelang go dirwa – go nne jaana: “ ‘Fa moperesiti yo o tloditsweng a leofa, a rwesa morafe molato jalo, a a tlisetse Morena poana e e se nang bogole ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng go nna setlhabelo sa boleo; a tlise poana kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho fa pele ga Morena, a bee letsogo mo tlhogong ya poana, a e tlhabe fa pele ga Morena. Jaanong a moperesiti yo o tloditsweng a tsee madi mangwe a poana, a a ise mo teng ga Tente ya Boipontsho. Moperesiti a be a ine monwana wa gagwe mo mading, a kgatshe madi mangwe gasupa fa pele ga Morena, fa pele ga lesire la Felo-ga-Boitshepotshepo. Moperesiti a be a tshase madi mangwe mo dinakeng tsa aletare ya maswalo a a nkgang monate fa pele ga Morena e e mo Tenteng ya Boipontsho, a be a tshololele madi otlhe a a setseng a poana mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho. “ ‘Mme mafura otlhe a poana ya setlhabelo sa boleo a a tlose mo go yona, e bong lomipi lo lo apesitseng mogodu le mafura otlhe a a mo maleng le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona a a mo dinokeng le mafura a a bapileng le sebete, a a tlose fa diphilong, jaaka a tlosiwa mo kgomong ya setlhabelo sa tebogo, mme a moperesiti a di fise mo aletareng ya setlhabelo sa phiso. Mme fa e le letlalo la poana le nama yotlhe ya yona le tlhogo ya yona le memomo ya yona le mala a yona le moswang wa yona a a ntshetse poana yotlhe kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa go phepa kwa molora o olelelwang teng, a e fise teng mo godimo ga dikgong ka molelo; e fisiwe kwa thutubudung ya molora. “ ‘Mme fa phuthego yotlhe ya Iseraele e leofa ka go sa itse, mme phuthego e sa itemoge molato; fa ba dira sengwe sa go tlola taolo nngwe ya Morena se se sa tshwanelang go dirwa, ba nna molato; a e re motlhang go lemogiwang boleo jo ba bo dirileng, phuthego e tsise poana go nna setlhabelo sa boleo; a ba e tlise fa pele ga Tente ya Boipontsho, mme a bagolo ba phuthego ba bee mabogo mo tlhogong ya poana eo fa pele ga Morena, poana e be e tlhajwe fa pele ga Morena. “ ‘Jaanong a moperesiti yo o tloditsweng a ise madi mangwe a poana eo kwa teng ga Tente ya Boipontsho; moperesiti a be a ine monwana wa gagwe mo mading, a a kgatshe gasupa fa pele ga Morena, fa pele ga lesire. A be a tshase madi mangwe mo dinakeng tsa aletare e e fa pele ga Morena mo Tenteng ya Boipontsho; a be a tshololele madi otlhe a a setseng mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho. Mme mafura otlhe a yona a a tlose mo go yona, a a fise mo aletareng. A a dire ka poana jaaka a dirile ka poana ya setlhabelo sa boleo sa moperesiti, a dire fela jalo. A moperesiti a ba ruanye jalo le Modimo, foo ba tla itshwarelwa. A be a ntshetse poana kwa ntle ga bothibelelo, a e fise jaaka a fisitse poana ya ntlha. Ke sona setlhabelo sa boleo sa phuthego. “ ‘Fa moeteledipele wa morafe a leofa, a dira sengwe sa go tlola nngwe ya ditaolo tsa Morena, Modimo wa gagwe, se se sa tshwanelang go dirwa ka go sa itse, a nna molato, mme morago a itemoga boleo jo o bo dirileng, a a tsise neo ya tlhabelo ya gagwe e bong phoko e e se nang bogole, a bee letsogo mo tlhogong ya phoko, a e tlhabe mo felong fa go tlhajwang setlhabelo sa phiso teng fa pele ga Morena. Ke setlhabelo sa boleo. Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a setlhabelo sa boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, mme a tshololele madi a a setseng a yona mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso. A be a fise mafura otlhe a yona mo aletareng jaaka mafura a setlhabelo sa tebogo. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe; foo o tla itshwarelwa. “ ‘Mme fa motho fela wa morafe a leofa ka go sa itse ka go dira sengwe sa go tlola nngwe ya ditaolo tsa Morena se se sa tshwanelang go dirwa, a nna molato; mme morago a itemoga boleo jo a bo dirileng, a a tsise neo ya tlhabelo ya gagwe, e bong podi e namagadi e e se nang bogole ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng; a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa boleo, a se tlhabe mo felong ga setlhabelo sa phiso. Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a yona ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, a be a tshololele madi otlhe a a setseng a yona mo motheong wa aletare eo. Mme a a tlose mafura otlhe a yona jaaka go tlosiwa mafura mo setlhabelong sa tebogo. A moperesiti a a fise mo aletareng go nna monko o o monate mo Moreneng. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo; foo o tla itshwarelwa. “ ‘Mme fa a tsisa kwana e le neo ya tlhabelo ya gagwe go nna setlhabelo sa boleo, gona a a tsise e namagadi e e itekanetseng, a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa boleo, a se tlhabe go na setlhabelo sa boleo mo felong fa go tlhajwang ditlhabelo tsa phiso teng. Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a setlhabelo sa boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, mme madi otlhe a a setseng a yona a a tshololele mo motheong wa aletare eo. A be a tlose mafura otlhe a yona jaaka go tlosiwa mafura a kwana ya setlhabelo sa tebogo. Moperesiti a be a a fise mo aletareng mo godimo ga ditlhabelo tsa molelo tsa Morena. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo a bo dirileng; foo o tla itshwarelwa. “ ‘Fa motho a leofa, ka a utlwa go hutsiwa mosenyi yo o sa itsiweng, mme ene e le mosupi, ka a bonye molato gongwe a o lemoga, mme a sa o bege, a itsenya jalo mo molatong; “ ‘gongwe fa motho a ama sengwe se se sa itshekang, le fa e le setoto sa phologolo e e sa itshekang gongwe setoto sa seruiwa se se sa itshekang gongwe setoto sa segagabi se se sa itshekang, mme go mo fitlhegetse a itshekologa, a nna molato; “ ‘gongwe fa a ama sengwe sa itshekologo ya motho, le fa e le itshekologo efe e motho o ka itshekologang ka yona, mme go mo fitlhegetse, fela morago a lemoga, fa a le molato; “ ‘gongwe fa motho a ikana ka go bua fela a sa ikakanya mo go tse a reng o tla di dira tsa bosula kampo tsa molemo, le fa e le eng se motho o ka se buang ka maikano, a sa ikakanya, mme go mo fitlhegetse, fela morago a lemoga gore o molato ka sengwe sa dilo tse di ntseng jalo: “ ‘A e re ka a le molato ka sengwe sa dilo tseo, a a ipobole se o leofileng ka sona, a be a tlisetse Morena tefo ya boikwatlhao jwa gagwe ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng, e bong kwana e namagadi ya letsomane gongwe podi e namagadi go nna setlhabelo sa boleo, mme a moperesiti a mo ruanye le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe. “ ‘Mme fa a tlhoka sefutshane, a a tlisetse Morena tefo ya boleo jwa gagwe, e bong maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi; le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo, le lengwe e nne la setlhabelo sa phiso. A a a tlise kwa go moperesiti, mme ene a atametse le e leng la setlhabelo sa boleo pele, a le soke tlhogo fa molaleng, mme a se ka a e kgaola. A be a kgatshe madi mangwe a setlhabelo sa boleo mo lotlhakoreng lwa aletare, mme a gamolele madi a a setseng mo motheong wa aletare; ke setlhabelo sa boleo. Mme la bobedi a a le dire setlhabelo sa phiso ka fa molaong wa teng, mme moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng; foo o tla itshwarelwa. “ ‘Mme fa a tlhoka maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi, a a tlise tshupelo go nna tefo ya boleo jwa gagwe, e bong karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta go nna tshupelo ya boleo. A se ka a tshela lookwane mo go jona le e seng go baya tse di nkgang monate mo go jona; gonne ke tshupelo ya boleo. A a bo tlise kwa go moperesiti, mme moperesiti a bo tabole bo tletse seatla, e le jo bo fisiwang, a bo fise mo aletareng mo godimo ga ditshupelo tsa molelo tsa Morena; ke tshupelo ya boleo. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng e le jwa sengwe sa dilo tseo; foo o tla itshwarelwa. Mme bupe jo bo setseng e tla nna jwa moperesiti jaaka tshupelo ya dijo.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Fa motho a dira ka boikanyologo, a leofa ntlheng ya dineo tse di boitshepo tsa Morena ka go sa itse, a a tlisetse Morena setlhabelo sa molato wa gagwe, e bong phelehu e e se nang bogole jwa letsomane, ka fa o e bonang e lekanye dišekele tsa selefera ka teng, e le dišekele tse di tletseng tsa Felo-ga-Boitshepo, go nna setlhabelo sa molato. Mme tse o di senyeditseng dineo tse di boitshepo a a di lefe, a be a di okeletse karolo ya botlhano ya tsona, a di neele moperesiti, mme moperesiti a mo ruanye le Modimo ka phelehu ya setlhabelo sa molato; foo o tla itshwarelwa. Mme fa motho a leofa, a dira sengwe sa go leofela ditaolo tsa Morena se se sa tshwanelang go dirwa a sa itse, mme a nna molato jalo, a itsenya mo molatong, foo a a tlise phelehu ya letsomane la gagwe e e se nang bogole kwa go moperesiti e o e bonang e lekanye tshenyo go nna setlhabelo sa molato, mme a moperesiti a mo ruanye le Modimo ka ntlha ya tshenyo ya gagwe e o e dirileng e se ka bomo a sa itse, foo o tla itshwarelwa. Ke sona setlhabelo sa molato; o itiretse molato mo Moreneng.” Morena a ba a raya Moše a re: “Fa Motho a leofa, a direla Morena ka boikanyologo, a latolela mongwe-ka-ene tse o neng a di mmoloketse gongwe tsa peeletso gongwe tse di amogileng, gongwe a patika mongwe-ka-ene; gongwe fa a thwetse sengwe se se latlhegileng, mme a se latola, gongwe a ikana ka maaka ka ntlha ya sengwe le sengwe se batho ba tleng ba leofe ka sona; fa a leofa jalo a nna molato, gona a a buse tse o di amogileng gongwe tse o di bonyeng ka kgatelelo gongwe tse o di neetsweng go di boloka fa go ene, gongwe tse o di thwetseng di latlhegile; le fa e le sengwe le sengwe se o ikanneng ka maaka ka ntlha ya sona: A a se buse ka botlalo, a ba a se oketse ka karolo ya botlhano ya sona; a se nee mong wa sona ka letsatsi la setlhabelo sa molato sa gagwe. A be a tlisetse Morena tefo ya boikwatlhao jwa gagwe, e bong phelehu ya letsomane la gagwe e e se nang bogole e o e bonang e lekanye tshenyo, go nna setlhabelo sa molato, a e ise kwa go moperesiti. Mme a moperesiti a mo ruanye fa pele ga Morena, foo o tla itshwarelwa sengwe le sengwe se motho o ka se dirang, a nna molato ka sona.” Morena a ba a raya Moše a re: “Laela Arone le bomorwawe o re: ‘Molao wa setlhabelo sa phiso ke o: A sona setlhabelo sa phiso se lale mo leisong mo aletareng bosigo jotlhe go ya mosong gore molelo wa aletare o tukele ruri ka sona. Jaanong a moperesiti a apare kobo ya gagwe ya letseta, a be a apare borokgwe jwa letseta mo mmeleng wa gagwe, a olele molora fa molelo o fisitseng setlhabelo sa phiso teng mo aletareng, a o tshololele fa thoko ga aletare. A be a apole diaparo tseo tsa gagwe, a apare diaparo tse dingwe, a ntshetse molora kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa go phepa. Mme a molelo o tukele ruri ka setlhabelo mo aletareng, o se ka wa tima ka gope, mme moperesiti a bese molelo ka dikgong mo go yona mo mosong mongwe le mongwe, a be a rulaganye setlhabelo sa phiso mo go ona, a fise mafura a ditlhabelo tsa tebogo mo godimo ga sona. A molelo o tuke ka gale mo aletareng, o se ka wa tima. “ ‘Molao wa tshupelo ya dijo ke o: A bomorwa Arone ba e tsise fa pele ga Morena kwa aletareng. Moperesiti a be a tabole mo go yona ka seatla se tletse, e bong mo bupeng jo bo boleta jwa tshupelo ya dijo jo bo nang le lookwane le tse di nkgang monate tsotlhe tse di mo godimo ga tshupelo ya dijo, mme tse di fisiwang tseo a di fise mo aletareng e le monko o o monate mo Moreneng. Mme se se setseng sa yona a Arone le bomorwawe ba se je; a se jewe mo Felong-fa-go-Boitshepo se sa bedisiwa; a ba se je mo lapeng la Tente ya Boipontsho. A se besiwe, se sa bedisiwa. Ke se ba abetse se tswa mo ditshupelong tsa me tsa molelo; ke se se boitshepotshepo jaaka setlhabelo sa boleo le sa molato. A ba batonanyana botlhe ba bana ba ga Arone ba se je. Ke tshiamelo ya ditshika tsa lona mo ditshupelong tsa molelo tsa Morena go ya go ileng. Mongwe le mongwe yo o se amang o tla itshepa.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Neo ya tshupelo ya ga Arone le bomorwawe e ba tshwanetseng go e tlisetsa Morena ka letsatsi le mongwe wa bone a tlodiwang ka lone ke karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta jwa tshupelo ya dijo ya ka gale, bontlhanngwe jwa yona mo mosong le bontlhanngwe maitsiboa. A e gadikwe ka lookwane mo paneng, o e tlise e dubilwe, gongwe o tlise tshupelo ya dijo e le dithathana tse di besitsweng go nna monko o o monate mo Moreneng. A moperesiti yo o tloditsweng mo boemong jwa gagwe e le mongwe wa bomorwawe a e baakanye. Ke molao o o sa khutleng wa Morena. A e fisiwe yotlhe. A tshupelo ya dijo nngwe le nngwe ya moperesiti e fisiwe yotlhe; e se ka ya jewa.” Morena a ba a raya Moše a re: “Raya Arone le bomorwawe o re: ‘Molao wa setlhabelo sa boleo ke o: A setlhabelo sa boleo se tlhajwe fa pele ga Morena mo felong fa setlhabelo sa phiso se tlhabelwang teng: ke se se boitshepotshepo. Moperesiti yo o dirang setlhabelo sa boleo a a se je; a se jelwe mo Felong-fa-go-Boitshepo mo lapeng la Tente ya Boipontsho. Mongwe le mongwe yo o amang nama ya sona o tla itshepa. Mme fa madi mangwe a sona a phatšhegela mo seaparong, seaparo se se phatšhegetsweng o se tlhatswetse mo Felong-fa-go-Boitshepo. Mme a pitsa ya letsopa e se apeilweng ka yona e thubiwe; mme fa se apeilwe ka pitsa ya kgotlho a e gotlhiwe, e tsokodiwe ka metsi. Ba batonanyana botlhe ba baperesiti ba ka se ja, ke se se boitshepotshepo. Mme setlhabelo sengwe le sengwe sa boleo se madi mangwe a sona a isiwang kwa teng ga Tente ya Boipontsho go dira thuanyo mo Felong-fa-go-Boitshepo, sona se se ka sa jewa, mme se fisiwe sotlhe ka molelo. “ ‘Molao wa setlhabelo sa molato ke o: Ke se se boitshepotshepo. A setlhabelo sa molato se tlhabelwe mo felong fa setlhabelo sa phiso se tlhabelwang teng. A moperesiti a kgatshe madi a sona mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare. A a tsise mafura otlhe a sona, e bong mogatla o o mafura le lomipi lo lo apesitseng mogodu le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona a a fa dinokeng le mafura a a bapileng le sebete, a a tlose fa diphilong. Jaanong a moperesiti a a fise mo aletareng go nna tshupelo ya molelo ya Morena; ke sona setlhabelo sa molato. Ba batonanyana botlhe ba baperesiti ba ka se ja; se jelwe mo Felong-fa-go-Boitshepo; ke se se boitshepotshepo. “ ‘Setlhabelo sa boleo le sa molato di a tshwana, di na le molao o le mongwe fela. Ke tsa moperesiti yo o ruanyang ka tsona. Moperesiti yo o direlang motho ka setlhabelo sa phiso, letlalo la setlhabelo sa phiso se a se dirileng e tla bo e le la gagwe. Le ditshupelo tsotlhe tsa dijo tse di besiwang mo sebesong le tsotlhe tse di baakanngwang mo pitseng gongwe mo paneng e tla nna tsa moperesiti yo o di fisang. Mme ditshupelo tsotlhe tsa dijo tse di tlhakantsweng le lookwane le tse di omeletseng e tla bo e le tsa bomorwa Arone botlhe ka go tshwana. “ ‘Molao wa setlhabelo sa tebogo se se tsisediwang Morena ke o: Fa motho a tlisa sa pako, a a oketse setlhabelo sa pako ka dinkgwe tse di sa bedisiwang tse di dubilweng ka lookwane le dinkgwana tse dipapetla tse di sa bedisiwang tse di tshasitsweng lookwane, le bupe jo bo boleta jo bo dubilweng, ke go re, dinkgwe tse di tlhakantsweng le lookwane. A a tlise neo ya tlhabelo ya gagwe mmogo le dikuku tsa senkgwe se se bedisitsweng gore e nne setlhabelo sa pako le sa tebogo. A a ntshe kuku e le nngwe mo neong nngwe le nngwe e le lekgetho la Morena; lone e tla nna la moperesiti yo o kgatshang madi a setlhabelo sa tebogo. A nama ya setlhabelo sa pako le sa tebogo e jewe ka letsatsi le se tlisiwang ka lone; go se ka ga sadisiwa sepe sa yona go ya mo mosong. “ ‘Mme fa neo ya gagwe e le setlhabelo sa maikano gongwe sa boitumelo, a se jewe ka letsatsi le a tlisang setlhabelo sa gagwe ka lone. Le gale fa go ka sala sengwe sa sona se ka jewa kamoso. Mme fa di sa ntse di le teng tsa nama ya setlhabelo ka letsatsi la boraro, a di fisiwe ka molelo. Mme fa nama ya setlhabelo sa tebogo sa gagwe e ka jewa ka letsatsi la boraro, gona yo o se tlisitseng ga a kitla a itumelelwa; ga se ne se kaiwa tebogo mo go ene. Ke nama e e ilegang. Motho yo o e jang o tla bo a le molato. Le nama e e amilweng ke sengwe se se itshekologileng e se ka ya jewa, mme e fisiwe ka molelo. Nama e ka jewa ke mongwe le mongwe yo o itshekileng. Mme motho yo o sa itshekang, fa a ka ja nama ya setlhabelo sa tebogo se e leng sa Morena, motho yoo o tla tlosiwa ka loso mo morafeng wa ga gabo. Gape fa motho a ka ama sengwe se se sa itshekang, e ka nna itshekologo ya motho gongwe seruiwa se se sa itshekang gongwe maila a mefutafuta a a ilegang, mme a ja nama ya setlhabelo sa tebogo se e leng sa Morena, motho yoo o tla bolawa mo morafeng wa ga gabo.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o re: ‘Lo se ka lwa ja mafura ape a kgomo gongwe a nku gongwe a podi. Mafura a se se suleng ka bosona le mafura a seruiwa se se gagotsweng ke sebata a ka dirisiwa mo tirong nngwe le nngwe, fela lo se ka lwa a ja. Gonne mongwe le mongwe yo o jang mafura a diruiwa tse di a tleng di tlhabelwe Morena o tla bolawa mo morafeng wa ga gabo. Le gona lo se ka lwa ja madi ape a dinonyane gongwe a diruiwa gongwe le gongwe kwa lo tla nnang teng. Motho mongwe le mongwe yo o jang madi, le fa e le afe, o tla bolawa mo morafeng wa ga gabo.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o re: ‘Yo o tsisetsang Morena setlhabelo sa tebogo sa gagwe, a a tlisetse Morena tse di mo tshwanetseng tsa setlhabelo sa tebogo sa gagwe. A a tlise tsa melelo ya Morena ka mabogo a gagwe; a tlise mafura le sehuba; sehuba se na le go kgadikanngwa go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena. Jaanong a moperesiti a fise mafura mo aletareng, mme sehuba e tla nna sa ga Arone le bomorwawe. Le serope sa le le jang sa ditlhabelo tsa tebogo tsa lona lo se nee moperesiti go nna seabe. Ene wa bomorwa Arone yo o isang madi a setlhabelo sa tebogo le mafura mo aletareng a a newe serope sa le le jang, e nne kabelo ya gagwe. Gonne sehuba sa kgadikanyo le serope sa seabe ke di tsere mo Baiseraeleng mo ditlhabelong tsa tebogo tsa bone ka di naya moperesiti Arone le bomorwawe go nna tshwanelo e e sa khutleng ya Baiseraele.’ ” Ke yona kabelo ya ga Arone le bomorwawe ya ditlhabelo tsa molelo tsa Morena go tloga ka letsatsi le Moše o ba atameditseng mo aletareng ka lone go nna baperesiti ba Morena. Ka letsatsi le Morena o neng a ba tlotsa ka lone a laela gore ba e newe ke Baiseraele. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa bone. Ke ona molao wa setlhabelo sa phiso le wa tshupelo ya dijo le wa setlhabelo sa boleo le wa setlhabelo sa molato le wa setlhabelo sa tlhomamiso ya baperesiti le wa setlhabelo sa tebogo o Morena a o laetseng Moše kwa thabeng ya Sinai ka letsatsi le o laetseng Baiseraele ka lone kwa sekakeng sa Sinai gore ba tlisetse Morena ditlhabelo le ditshupelo tsa bone. Morena a ba a raya Moše a re: “Tsaya Arone le bomorwawe nae le diaparo le lookwane lwa tlotso le poo ya setlhabelo sa boleo le diphelehu di le pedi le seroto sa dinkgwe tse di sa bedisiwang o phuthele phuthego yotlhe kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho.” Moše a dira jaaka Morena a mo laetse, mme phuthego ya phuthegela kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho. Moše a ba a raya phuthego a re: “Tiro ke e Morena o laetseng gore e dirwe.” Jaanong Moše a atametsa Arone le bomorwawe, a ba tlhapisa ka metsi. A ba a mo apesa hempe, a mo gatlha ka moikgatlho, a mo apesa kobo e kgolo le khiba ya boperesiti, a mo gatlha ka moikgatlho wa khiba wa boperesiti jo bogolo, a e bofelela mo go ene ka ona, a ba a gokelela kgwatlhana ya sehuba mo go yona, a tsenya ditengwa tsa Lesedi le Tshiamo mo kgwatlhaneng eo a ba a mo rwesa serwalo sa boperesiti jo bogolo mo tlhogong, a baya papetlana ya gouta, e bong mokgabo o o boitshepo, mo serwalong fa phatleng jaaka Morena a laetse Moše. Jaanong Moše a tsaya lookwane lwa tlotso, a tlotsa Taberenakele le tsotlhe tse di mo go yona, a di itshepisa. A ba a kgatsha aletare ka lone gasupa, a tlotsa aletare le didiri tsotlhe tsa yona le mogopo le lekoto la ona, a di itshepisa. A ba a tshela lookwane lwa tlotso mo tlhogong ya ga Arone, a mo tlotsa go mo itshepisa. Ke fa jaanong Moše a atametsa bomorwa Arone, a ba apesa dikobo tsa letseta, a ba gatlha ka meikgatlho, a ba rwesa ditlhoro tsa boperesiti jaaka Morena a mo laetse. Moše a ba a atametsa poo ya setlhabelo sa boleo, mme Arone le bomorwawe ba baya mabogo mo tlhogong ya yona. Ya baa gona Moše a e tlhabang, a tsaya madi, a a tshasa mo dinakeng tsa aletare tikologong ka monwana wa gagwe, a leofolola aletare, a ba a tshololela madi a mangwe fa motheong wa aletare, a e itshepisa ka go e ruanya. Moše a ba a tsaya lomipi lotlhe lo lo apesitseng mogodu le mafura a a bapileng le sebete le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona, a di fisa mo aletareng. Mme poo le letlalo la yona le nama ya yona le moswang wa yona, Moše a di fisetsa ka kwa ntle ga bothibelelo jaaka Morena a mo laetse. A ba a atametsa phelehu ya ntlha ya setlhabelo sa phiso, mme Arone le bomorwawe ba baya mabogo mo tlhogong ya phelehu. Ya baa gona Moše a e tlhabang, a kgatsha madi mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare. Moše a ba a kgaoganya phelehu dirwe, a fisa tlhogo le dirwe le mafura. A ba a tlhatswa mateng le memomo ka metsi. Moše a fisa phelehu yotlhe mo aletareng. Ke setlhabelo sa phiso sa monko o o monate le tlhabelo ya molelo ya Morena jaaka Morena a mo laetse. A ba a atametsa phelehu ya bobedi, phelehu ya tlhomamiso ya baperesiti, mme Arone le bomorwawe ba baya mabogo mo tlhogong ya phelehu. Ya baa gona Moše a e tlhabang, a kgotla madi a yona, a a tshasa mo lereteng la tsebe e e jang ya ga Arone le mo monwaneng wa kgonotšwe wa seatla sa gagwe se se jang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa lonao lwa gagwe lo lo jang. Jaanong Moše a atametsa bomorwa Arone, a tshasa madi mo mareteng a ditsebe tse di jang tsa bone le mo menwaneng ya kgonotšwe ya diatla tsa bone tse di jang le mo menwaneng ya kgonotšwe ya dinao tsa bone tse di jang. Moše a ba a kgatsha madi a a setseng mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare. A ba a tsaya mafura, e bong mogatla o o mafura le lomipi lotlhe lo lo apesitseng mogodu le mafura a a bapileng le sebete le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona le serope se se jang. Mo serotong sa dinkgwe tse di sa bedisiwang se se neng se le fa pele ga Morena, a ntsha kuku e le nngwe e e sa bedisiwang le kuku ya senkgwe sa lookwane e le nngwe le senkgwana se sepapetla se le sengwe, a di baya mo mafureng le mo seropeng se se jang. A ba a neela tsotlhe mo diatleng tsa ga Arone le mo diatleng tsa bomorwawe, a di kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena. Moše a ba a di tsaya mo mabogong a bone, a di fisetsa mo aletareng mo godimo ga setlhabelo sa phiso go nna tshupelo ya go tlhoma baperesiti ya monko o o monate wa tshupelo ya molelo ya Morena. Moše a ba a tsaya sehuba, a se kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena, e le sa phelehu ya go tlhoma baperesiti; ya ba ya nna kabelo ya ga Moše jaaka Morena a mo laetse. Moše a ba a tsaya lookwane lwa tlotso le madi mangwe a a mo aletareng, a kgatsha Arone ka ona le diaparo tsa gagwe le bomorwawe le diaparo tsa bone, a itshepisa Arone le diaparo tsa gagwe le bomorwawe le diaparo tsa bone. Jaanong Moše a raya Arone le bomorwawe a re: “Apayang nama fa mojakong wa Tente ya Boipontsho, lo e je gona le senkgwe se se mo serotong sa go tlhoma baperesiti jaaka ke laetswe gore Arone le bomorwawe ba di je! Mme tse di ka salang tsa nama le tsa senkgwe lo di fise ka molelo. Mme lo se ka lwa tloga fa mojakong wa Tente ya Boipontsho malatsi a supa go fitlha letsatsing le malatsi a go lo tlhoma boperesiting a felang ka lone. Gonne lo tla tlhongwa mo boperesiting malatsi a supa jaaka go dirilwe ka letsatsi la gompieno. Morena o laetse go dira jalo e le go lo ruanya nae. Lo nne fa mojakong wa Tente ya Boipontsho malatsi a supa bosigo le motshegare, lo tlhokomele thulaganyo ya Morena gore lo se ka lwa swa. Gonne ke laetswe jalo.” Jaanong Arone le bomorwawe ba dira tsotlhe tse Morena o di laetseng ka Moše. Jaanong ka letsatsi la robedi Moše a bitsa Arone le bomorwawe le bagolo ba Iseraele, a raya Arone a re: “Tsaya poana ya setlhabelo sa boleo le phelehu ya setlhabelo sa phiso tse di itekanetseng, o di tlise fa pele ga Morena. O be o ree Baiseraele o re: ‘Tsayang phoko ya setlhabelo sa boleo le namane le kwana tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole tsa setlhabelo sa phiso le poo le phelehu tsa ditlhabelo tsa tebogo go di tlhabela Morena, le tshupelo ya bupe jo bo dubilweng ka lookwane. Gonne Morena o tla iponatsa mo go lona kajeno.’ ” Ke fa ba tsaya tse Moše o di ba laetseng ba di tsisa fa pele ga Tente ya Boipontsho, mme phuthego yotlhe ya atamela, ya ema fa pele ga Morena. Jaanong Moše a re: “Tiro e ke e Morena o e lo laetseng go e dira gore kgalalelo ya Morena e tle e bonale mo go lona.” Moše a ba a raya Arone a re: “Atamela kwa aletareng, o dire setlhabelo sa boleo sa gago le setlhabelo sa phiso sa gago, o ithuanye le Modimo, o be o ruanye ba lapa la gago; o be o baakanye neo ya tlhabelo ya morafe, o o batlele thuanyo jaaka Morena a laetse.” Ke fa Arone a atamela kwa aletareng, a itlhabela namane ya setlhabelo sa boleo se e leng sa gagwe. Mme bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, a ba a ina monwana wa gagwe mo mading, a a tshasa mo dinakeng tsa aletare, a ba a tshololela madi a a setseng mo motheong wa aletare. Mme mafura a setlhabelo sa boleo le diphilo le mafura a a bapileng le sebete a di fisa mo aletareng jaaka Morena a laetse Moše. Nama le letlalo tsona a di fisetsa ka kwa ntle ga bothibelelo. Jaanong a tlhaba setlhabelo sa phiso, mme bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, a a kgatsha mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare. Ba be ba isa setlhabelo sa phiso kwa go ene ka fa dirweng tsa sona le tlhogo, mme a di fisa mo aletareng. A ba a tlhatswa mala le memomo, a di fisa mo godimo ga setlhabelo sa phiso mo aletareng. Morago ga moo a tsisa neo ya tlhabelo ya morafe: A tsaya phoko ya setlhabelo sa boleo se e leng sa morafe, a e tlhaba, a e dira setlhabelo sa boleo jaaka sa pele. A ba a tsisa setlhabelo sa phiso, a dira ka sona ka fa tshwanelong. A ba a tsisa tshupelo ya dijo, a tabola go tletse seatla, a e fisa mo aletareng – kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa mo mosong. A ba a tlhaba poo le phelehu tsa ditlhabelo tsa tebogo tsa morafe, mme bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, a ba a a kgatsha mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare. Mme mafura a poo le a mogatla wa phelehu le lomipi lo lo apesitseng mogodu le diphilo le mafura a a bapileng le sebete, mafura ao ba a baya mo godimo ga dihuba, mme a fisa mafura ao mo aletareng. Mme dihuba le serope se se jang Arone a di kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena jaaka Moše a laetse. Jaanong Arone a tsholeletsa morafe mabogo a o tshegofatsa; a ba a fologa a sena go dira setlhabelo sa boleo le sa phiso le sa tebogo. Mme Moše le Arone ba tsena mo Tenteng ya Boipontsho; ya re ba sena go tswa, ba tshegofatsa morafe. Ke fa kgalalelo ya Morena e bonatsegela morafe otlhe. Molelo wa tswa kwa Moreneng, wa ja setlhabelo sa phiso le mafura mo aletareng. Ya re morafe otlhe o bona jalo, wa duduetsa, wa wela fa fatshe ka difatlhego. Mme bomorwa Arone, Natabe le Abihu, ba tsaya maiswana a bone, ba tsenya molelo mo go ona, ba baya maswalo godimo ga ona, ba tlisa molelo o sele fa pele ga Morena, o a sa o ba laelang. Ke fa molelo o tswa kwa Moreneng, o ba bolaya, mme ba swela fa pele ga Morena. Jaanong Moše a raya Arone a re: “Ke sona se Morena o se buileng a re: ‘Ke tla itshupa ke le boitshepo mo go ba ba nkatamelang; ke tla ikgalaletsa fa pele ga morafe otlhe!’ ” Mme Arone a didimala. Mme Moše a bitsa Mišaele le Elesafane, bomorwa Usiele, rrangwanaagwe Arone, a ba raya a re: “Atamelang lo tlose ba ga lona fa pele ga Felo-fa-go-Boitshepo, lo ba ntshetse kwa ntle ga bothibelelo.” Ba atamela, ba ba ntshetsa kwa ntle ga bothibelelo ba ntse ba apere dikobo tsa letseta tsa boperesiti jaaka Moše a buile. Moše a ba a raya Arone le Eleasare le Ithamare bomorwawe a re: “A meriri ya tlhogo tsa lona e se ka ya lepelela ka botlhaswa, lo se ka lwa ikgagola diaparo, e se re gongwe lwa swa mme bogale jwa wela mo phuthegong yotlhe. A Baiseraele botlhe ba ga lona e nne bone ba ba lelelang phiso e Morena e e dirileng. Le gona lo se ka lwa tloga mojakong wa Tente ya Boipontsho, e se re gongwe lwa swa; gonne lookwane lwa tlotso lwa Morena lo mo go lona.” Mme ba dira ka fa lefokong la ga Moše. Letsatsi lengwe Morena a raya Arone a re: “E ne e re fa wena le bomorwao lo tsena mo Tenteng ya Boipontsho, lo se ke la nwa weine le fa e le dino tse di tagang gore lo se ka lwa swa. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona gore lo tle lo itse go farologanya tse di boitshepo le tse di seng boitshepo le tse di sa itshekang le tse di itshekileng le gore lo tle lo rute Baiseraele melao yotlhe e Morena o e boleletseng ka Moše.” Moše a ba a raya Arone le Eleasare le Ithamare bomorwawe ba ba setseng a re: “Tsayang tshupelo ya dijo, e bong tse di setseng tsa ditshupelo tsa molelo tsa Morena, lo di jele fa thoko ga aletare di sa bedisiwa; gonne di boitshepotshepo. Ka moo lo di jele mo Felong-fa-go-Boitshepo; gonne ke kabelo e e go tshwanetseng le bomorwao e tswa mo ditshupelong tsa molelo tsa Morena; gonne ke laetswe jalo. Mme sehuba sa kgadikanyo le serope sa seabe lo di jele mo felong fa go phepa, wena le bomorwao le bomorwadio; gonne di ntshitswe mo ditlhabelong tsa tebogo tsa Baiseraele e le tse di go tshwanetseng le bomorwao. Ba tshwanetse go tlisa serope sa seabe le sehuba sa kgadikanyo mmogo le ditshupelo tsa molelo tsa mafura go di kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena, mme e tla nna tsa gago le bomorwao e le tshiamelo e e sa khutleng jaaka Morena a laetse.” Jaanong ya re Moše a batlabatla phoko ya setlhabelo sa boleo, a fitlhela e fisitswe. Ke fa a galefela Eleasare le Ithamare, bomorwa Arone ba ba setseng, a re: “Ke ka ntlha ya eng lo se ka lwa ja setlhabelo sa boleo mo Felong-fa-go-Boitshepo? Kana se boitshepotshepo; Morena o se lo neile go tlosa molato wa phuthego le go ba direla thuanyo fa pele ga Morena. Kana madi a sona ga a ka a isiwa kwa teng ga Tempelana e e Boitshepo! Lo ne lo tshwanetse go se jela mo Felong-fa-go-Boitshepo jaaka ke laetse.” Mme Arone a fetola Moše a re: “Bona, kajeno ba tlisitse setlhabelo sa bone sa boleo le setlhabelo sa bone sa phiso fa pele ga Morena, mme nna ke dirafaletswe ke tse di ntseng jalo. Jaanong a nka ja setlhabelo sa boleo kajeno go kgatlha Morena?” Ya re Moše a utlwa jalo, a fitlhela go siame. Mme Morena a bua le Moše le Arone, a ba raya a re: “Rayang Baiseraele lo re: ‘Ditshedi tsotlhe tsa lefatshe tse di maoto-mane tse lo ka di jang ke tse: Ke tsotlhe tse di ditlhako di maphata, di le maphata tota, le gona di otla. Ke tsona tse lo ka di jang. Fela tse dingwe tse di otlang gongwe tse dingwe tse di ditlhako di maphata lo se ka lwa di ja: E bong kammele; gonne e a otla, mme ga e ditlhako di maphata, e lo itshekologetse; le pela; gonne e a otla, mme ga e ditlhako di maphata; e lo itshekologetse; le mmutla; gonne o a otla, mme ga o ditlhako di maphata; o lo itshekologetse; le kolobe; gonne e ditlhako di maphata, di le maphata tota, mme ga e otle; e lo itshekologetse. Lo se ka lwa ja sepe sa dinama tsa tsona le e seng go ama ditoto tsa tsona; di lo itshekologetse. “ ‘Tse di mo metsing tse lo ka di jang ke tse: Ke tsotlhe tse di nang le diphuka le makape mo metsing, e bong mo mawatleng le mo dinokeng; tsona lo ka di ja. Mme tsotlhe tse di se nang diphuka le makape mo mawatleng le mo dinokeng e bong mefutafuta ya ditshedi tse di nyeulang mo metsing, tsona lo di ile. A e nne maila mo go lona; lo se ka lwa ja nama ya tsona, lo sisimoge ditoto tsa tsona. Tsotlhe tse di se nang diphuka le makape mo metsing ke maila mo go lona. “ ‘Tse lo tshwanetseng go di ila mo dinonyaneng di sa tshwanela go jewa e le maila, ke tse: Ke ntswi le makgwane le lenong le lentsho le segodi le digootsane le mefuta ya tsona le mefuta yotlhe ya magakabe le ntšhwe le moleane le lenongnyana la lewatle le bophakalane le mefuta ya bona le ubane le kokolohute le morubisi le moseleketane le tlhangwe le lenong le lesetlha le makololwane le mmamasiloanoka le mefuta ya yona le makapatisiane le mamathwane. “ ‘Ditshedinyana tsotlhe tse di diphuka di tsamaya ka maoto a mane ke maila mo go lona. Fela tse lo ka di jang tsa ditshedinyana tsotlhe tse di diphuka, di tsamaya ka maoto a mane, ke tse di nang le memomo e mebedi godimo ga dinao tsa tsona go tlola ka yona mo lefatsheng jaaka tsie. Tse lo ka di jang mo go tsona ke tse: Ke boijane ka fa mefuteng ya jona le segongwane ka fa mefuteng ya sona le molome ka fa mefuteng ya ona le tlorongtlope ka fa mefuteng ya yona. Mme ditshedinyana tsotlhe tse dingwe tse di diphuka tse di nang le maoto a mane ke maila mo go lona. “ ‘Tse lo itshekologang ka tsona ke ditshedi tse: Mongwe le mongwe yo o amang ditoto tsa tsona o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng; gape, mongwe le mongwe yo o rwalang sengwe sa ditoto tsa tsona a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Ke ditshedi tsotlhe tse di ditlhako di maphata, mme di se maphata tota, le gona di sa otle, tsona di lo itshekologetse. Mongwe le mongwe yo o di amang o tla bo a itshekologile. Le tsotlhe tse di maroo mo ditsheding tsotlhe tse di tsamayang ka maoto a mane di lo itshekologetse. Mongwe le mongwe yo a amang ditoto tsa tsona o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Yo o rwalang setoto sa tsona a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Tsona di lo itshekologetse. “ ‘Tse le tsona di lo itshekologetseng mo digagabing tse di gagabang fa fatshe ke serunya le peba le motitswane ka fa mefuteng ya ona le polo le kgantlapane le gopane le mamagwai le lebodu. Ke tsona tse di lo itshekologetseng mo digagabing tsotlhe; moo le mongwe yo o di amang di sule o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Le se se welwang ke sengwe sa tsona se sule se tla itshekologa, le fa e le selo sa logong gongwe seaparo gongwe letlalo gongwe kgetse, e bong didiri tsotlhe tse go dirwang tiro ka tsona; a di tsenngwe mo metsing, ka di tla bo di itshekologile go ya maitsiboeng; foo di tla itsheka gape. Le selo sengwe le sengwe sa letsopa, fa sengwe sa tseo se ka wela mo teng ga sona, go tla itshekologa tsotlhe tse di mo go sona, mme sona lo se thube. Mo pitseng nngwe le nngwe e e ntseng jalo dijo tsotlhe tse di jewang tse di apewang ka metsi di tla bo di itshekologile; le dino tsotlhe tse di nowang tse di mo nkgwaneng e e ntseng jalo di tla bo di itshekologile. Tsotlhe tse di welwang ke setoto sa tsona di tla bo di itshekologile; le fa e le sebeso gongwe matshego a pitsa a di thubiwe; di itshekologile, lo di kaye tse di sa itshekang. Mme motswedi le sediba le gopo ya metsi ga di ne di itshekologa ka gope; fela yo o amang setoto se se mo go tsona, ke ene yo o tla itshekologang. Gape, fa sengwe sa ditoto tsa tsona se ka wela mo peong efe le efe e e jwalwang yona e tla nna e itshekile. Mme fa go tshetswe metsi mo peong, mme go wela sengwe sa ditoto tsa tsona mo go yona, gona e lo itshekologetse. “ ‘Jaanong fa go swa sengwe sa diruiwa tse lo di jang, yo o amang setoto sa sona o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Yo o jang nama ya setoto sa sona, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng; le yo o rwalang setoto sa sona, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. “ ‘Le ditshedi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe ke maila; di se ka tsa jewa. E bong tsotlhe tse di gwapang ka mpa le tse di maoto-mane, le fa e le a mantsi e bong tsotlhe tse di gagabang fa fatshe, lo se ka lwa di ja; gonne ke maila. Lo se ka lwa itira kilego ka sepe se se gagabang; lo se ka lwa ikgotlela ka tsona, lo ka tla lwa itshekologa. Gonne ke nna Morena Modimo wa lona. Itshupeng lo le boitshepo, lo nne ba ba boitshepo; gonne nna ke yo o boitshepo. Lo se ka lwa iitshekolola ka sepe se se gagabang fa fatshe. Gonne ke nna Morena ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore ke nne Modimo wa lona. Ka moo nnang boitshepo, gonne nna ke boitshepo. “ ‘Ke ona molao ka ga ditshedi le dinonyane le tsotlhe tse di phelang, di nyeula mo metsing le ditshedinyana tsotlhe tse di gagabang fa fatshe gore lo tle lo itse go farologanya tse di sa itshekang le tse di itshekileng le ditshedi tse di ka jewang le tse di sa tshwanelang go jewa.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o re: ‘E ne e re fa mosadi a ithwala, a ba a tshola mosimane, a nna a itshekologile malatsi a supa; ga a itsheka jaaka ka malatsi a mosese, fa a ipona. Jaanong a ka letsatsi la robedi mosimanyana a rupisiwe. Mme a mosadi a nne mo ntlong malatsi a le 33 a le mo mading a botsetsi, a se ka a ama sepe se se boitshepo le e seng go tla kwa Felong-ga-Boitshepo go ya go be go fete malatsi a phepafalo ya gagwe. “ ‘Mme fa a tshola mosetsana, o tla bo a itshekologile beke di le pedi jaaka mo malatsing a mosese; a be a nne mo ntlong malatsi a le 66 a le mo mading a botsetsi. “ ‘Mme e re malatsi a phepafalo ya gagwe a sena go feta, le fa e le a mosimane gongwe a mosetsana, a a tlise kwana ya ngwaga o le mongwe ya setlhabelo sa phiso le leebana gongwe lephoi la setlhabelo sa boleo, a di tlise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho go moperesiti. Jaanong a moperesiti a di tlhabele Morena, a direle mosadi thuanyo; foo o tla itsheka mading a botsetsi. Ke ona molao wa motsetsi, fa a tshotse mosimane gongwe mosetsana. “ ‘Mme fa a palelwa ke go tlisa kwana a a tsee maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi, lengwe e nne la setlhabelo sa phiso, le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo; foo moperesiti o tla mo direla thuanyo, mme a itsheka.’ ” Morena a ba a raya Moše le Arone a re: “Fa motho a na le thurugo gongwe motshwa gongwe tshubaba e tshweu mo letlalong la gagwe, mme go fetoga go nna sebata sa lepero mo go lone, a a isiwe kwa go moperesiti Arone gongwe kwa go mongwe wa bomorwawe ba baperesiti. Jaanong a moperesiti a tlhatlhobe sebata mo letlalong la nama, mme fa boboa mo sebateng bo sweufetse, mme sebata se bonala se wetse mo letlalong la gagwe, e tla bo e le lepero. Fa moperesiti a se bona jalo, a a re: ‘O itshekologile!’ “Mme fa go le sebata se sesweu mo letlalong la gagwe, mme se sa wela mo go lone, le boboa bo sa sweufala, gona a moperesiti a tswalele molwetse yoo malatsi a supa. Jaanong fa moperesiti a mo tlhatlhoba ka letsatsi la bosupa, a fitlhela sebata se ntse se tshwana le pele ka fa a bonang ka teng se sa ikala mo letlalong, gona a moperesiti a boele a mo tswalele gape malatsi a supa. Jaanong fa moperesiti a mo tlhatlhoba gape ka letsatsi la bosupa a fitlhela sebata se boela morago se sa ikala mo letlalong, gona a moperesiti a re: ‘O itshekile.’ Ke motshwa fela. A a tlhatswe diaparo tsa gagwe, foo o tla bo a itshekile. Mme fa motshwa o ikala mo letlalong, a sena go itshupetsa moperesiti gore a tle a itsheke, a a itshupetse moperesiti gape. Jaanong fa moperesiti a mo tlhatlhoba, a fitlhela motshwa o ikadile mo letlalong, gona a moperesiti a re: ‘O itshekologile!’ E tla bo e le lepero. “E ne e re fa sebata sa lepero se le mo mothong a isiwa kwa go moperesiti. Mme fa moperesiti a sekaseka, a fitlhela go le thurugo e tshweu mo letlalong e e sweufaditseng boboa, e bile nama e botologile mo nthong, e tla bo e le lepero le le topegetseng mo nameng ya gagwe, mme a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ A se ka a mo tswalela, gonne o itshekologile. Mme fa lepero le tswela kwa ntle sentle mo letlalong le setoga mo letlalong lotlhe la molwetse go tswa tlhogong go fitlha dinaong gongwe le gongwe fa matlho a moperesiti a go sekasekileng, mme moperesiti a mo tlhatlhoba, a fitlhela lepero le setogile mo mmeleng wa gagwe, gona a a re: ‘Molwetse o itshekile!’ O sweufetse gotlhe, o itshekile tota. Fela ka letsatsi le go ka bonwang nama e betologile mo go ene ka lone, o tla bo a itshekologile. Jaanong fa moperesiti a bona nama e e ntseng jalo, a a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Nama eo ga e a itsheka, ke lepero. Mme fa nama eo e boela e sweufala gape, a a tle kwa go moperesiti. Jaanong fa moperesiti a mmona, a fitlhela sebata se sweufetse, gona a a re: ‘Molwetse o itshekile!’ “E re fa motho a ne a dule tlhagala mo mmeleng ya tloga ya fola, mme fa e ne e le teng go tswa thurugo e tshweu gongwe sebata sa bosweu jo bo tlhakanyeng le bohibidu, gona a a itshupetse moperesiti. Jaanong fa moperesiti a mmona, a fitlhela felo foo go wetse mo letlalong le boboa jwa teng bo sweufetse, gona a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Ke bolwetse jwa lepero. Bo simologile ka tlhagala. Mme fa moperesiti a leba, a fitlhela go se boboa jo bosweu gona, go bile go sa wela mo letlalong, go boela morago, a moperesiti a mo tswalele malatsi a supa. Jaanong fa go ikala mo letlalong, a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ E tla bo e le lepero. Fela fa sebata se sesweu se ntse fela ka mokgwa o le mongwe se sa ikala, ke lobadi lwa tlhagala. A moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekile!’ “Gongwe fa motho a na le ntho ya molelo mo mmeleng wa gagwe, mme nama e ntšhwa mo nthong ya molelo e le ya bosweu jo bo tlhakanyeng le bohibidu, gongwe e le tshweu fela, mme e re moperesiti a e sekaseka, a fitlhela boboa bo sweufetse mo sebateng se sesweu, mme se bonala sentle gore se wetse mo letlalong, foo e tla bo e le lepero le le simologileng mo nthong ya molelo. Jaanong a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Ke bolwetse jwa lepero. Mme fa moperesiti a e sekaseka, a fitlhela go se na boboa jo bosweu mo sebateng se sesweu, se bile se sa wela mo letlalong, mme se le leoto fela, gona a moperesiti a mo tswalele malatsi a supa. A moperesiti a mo tlhatlhobe gape ka letsatsi la bosupa. Fa a fitlhela go ikadile mo letlalong, a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Ke bolwetse jwa lepero. Mme fa sebata se sesweu se ntse fela ka mokgwa o le mongwe, se sa ikala mo letlalong, mme se le leoto fela, gona e tla bo e le thurugo ya ntho ya molelo fela. A moperesiti a mo kae yo o itshekileng. Gonne e tla bo e le lobadi lwa ntho ya molelo fela. “Fa monna gongwe mosadi a dule sebata se se thunyang mo tlhogong gongwe mo seledung, mme e re moperesiti a se sekaseka, a fitlhela se wetse mo letlalong, go bile go le moriri o mosetlhanyana o mosesane mo go sona, gongwe ditedu tse di ntseng jalo, gona a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Ke seromo se se bosula, e bong lepero la tlhogo gongwe la seledu. Mme fa moperesiti a sekaseka seromo se se bosula, a fitlhela se sa wela mo letlalong, mme go se na moriri o montsho mo go sona, gona a moperesiti a tswalele molwetse yo o nang le seromo seo malatsi a supa. Ka letsatsi la bosupa a moperesiti a tlhatlhobe sebata se se thunyang gape. Jaanong fa a fitlhela seromo se sa ikala, go se moriri o mosetlhanyana mo go sona, mme seromo se sa wela mo letlalong, gona a molwetse a ipeole, mme a se ka a beola fa go leng seromo, mme a moperesiti a tswalele yo o nang le seromo malatsi a supa gape. Jaanong ka letsatsi la bosupa, fa moperesiti a sekaseka seromo, a fitlhela se sa ikala mo letlalong, e bile se sa wela mo go lone, gone a moperesiti a mo kaye yo o itshekileng. Jaanong a molwetse a tlhatswe diaparo tsa gagwe; foo o tla bo a itshekile. Fela fa seromo se ikadile mo letlalong, a sena go kaiwa yo o itshekileng, a moperesiti a mo tlhatlhobe gape. Fa a fitlhela seromo se ikadile mo letlalong, foo a moperesiti a se ka a tlhola a sekaseka moriri, fa o le mosetlhanyana; o itshekologile. Mme fa seromo se ntse jaaka pele ka fa a bonang ka teng, mme moriri o montsho o tlhogile mo go sona, gona seromo se tla bo se fodile, motho a itshekile. A moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekile!’ “Fa monna gongwe mosadi a na le ditshubabanyana gongwe dibata tse ditshweu mo letlalong la gagwe, mme e re moperesiti a sekaseka, a fitlhela mo letlalong la gagwe go le dibata tse ditshweu tse di leoto fela, gona e tla bo e le motshwa fela o o duleng mo letlalong; motho o itshekile. “Fa monna a ulega moriri mo tlhogong, a nna lefatla-fa-morago, o tla bo a itshekile. Mme fa a ulega moriri wa tlhogo fa godimo ga phatla, gona o lefatla-fa-pele; le ene o itshekile. Mme fa go le sebata sa bosweu jo bo tlhakanyeng le bohibidu mo lefatleng la morago gongwe la pele, gona ke lepero le le simologang mo lefatleng la gagwe la morago gongwe la pele. Jaanong fa moperesiti a mo sekaseka, a fitlhela thurugo ya sebata e le bosweu bo tlhakanye le bohibidu mo lefatleng la gagwe la morago gongwe la pele, e bonala jaaka lepero la letlalo la mmele, foo ke molepero, o itshekologile tota! Bolwetse jwa gagwe bo mo tlhogong ya gagwe. “Jaanong molepero yo o nang le bolwetse joo, a diaparo tsa gagwe e nne tse di gagotsweng, mme moriri wa gagwe o nne malepelepe ka botlhaswa; a be a bipe ditedu tsa molomo, a goe a re: ‘Ke itshekologile! Ke itshekologile!’ O tla nna a itshekologile ka malatsi otlhe a bolwetse jwa gagwe. O itshekologile, a a nne a le esi, bonno jwa gagwe bo nne ka kwa ntle ga bothibelelo. “E re fa bolwetse jwa lepero bo le mo seaparong sa boboa gongwe mo go sa letseta, le fa bo le mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang tsa letseta gongwe tsa boboa; le fa bo le mo kobong ya letlalo gongwe mo go se sengwe se se dirilweng ka letlalo; fa sebata seo se le botala jo bo tlhakanyeng le bosetlha gongwe se le sehibidu; le fa se le mo seaparong gongwe mo letlalong, le fa se le mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang, le fa se le mo go eng se se dirilweng ka letlalo, ke sebata sa lepero. A se supediwe moperesiti. A moperesiti a sekaseke sebata, a be a tswalele selo se sebata se leng mo go sona malatsi a supa. Jaanong fa a bona sebata ka letsatsi la bosupa, a fitlhela sebata se ikadile mo seaparong gongwe mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang gongwe mo letlalong le fa e le mo go eng se se dirilweng ka letlalo; sebata seo ke lepero le le bosula. Selo seo se tla bo se itshekologile. Ka moo, fa e le seaparo gongwe ditlhale tse di tlhamalalang gongwe ditlhale tse di kgabaganyang tsa boboa gongwe tsa letseta, le fa e le eng sa letlalo se sebata se leng mo go sona, a a se fise. Gonne ke lepero le le bosula. A se fisiwe ka molelo. “Mme fa moperesiti a se sekaseka, a fitlhela sebata se sa ikala mo seaparong gongwe mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang le fa e le mo go eng se e leng sa letlalo foo a moperesiti a laele gore ba tlhatswe selo se sebata seo se leng mo go sona, a be a se tswalele gape malatsi a supa. Jaanong fa moperesiti a sekaseka sebata se sena go tlhatswiwa, a fitlhela se ntse se tshwana le pele, le fa se sa ikala, gona se itshekologile, o se fise ka molelo. Se jegile ka fa ntle gongwe ka fa teng. Mme fa moperesiti a sekaseka, a fitlhela sebata se le leoto fela se sena go tlhatswiwa, a a se gagole mo seaparong gongwe mo letlalong gongwe mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang. Fela fa se bonala gape mo seaparong gongwe mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang, le fa e le mo go eng se e leng sa letlalo, gona ke lepero le le butsologileng, mme selo se sebata seo se leng mo go sona o se fise ka molelo. Mme seaparo gongwe ditlhale tse di tlhamalalang gongwe tse di kgabaganyang le fa e le eng se e leng sa letlalo se sebata se tlogileng mo go sona fa o sena go se tlhatswa, a se tlhatswiwe gape; foo se tla bo se itshekile. “Ke ona molao wa sebata sa lepero sa seaparo sa boboa gongwe sa letseta, gongwe sebata sa ditlhale tse di tlhamalalang gongwe tse di kgabaganyang, le fa e le sa eng se e leng sa letlalo, go re se itshekile, gongwe go re se itshekologile.” Morena a ba a raya Moše a re: “Molao o o tshwanetseng molepero ka letsatsi le a bonwang a itshekile ka lone ke o: A a isiwe kwa go moperesiti. Mme a moperesiti a tswele kwa ntle ga bothibelelo. Jaanong fa moperesiti a mo tlhatlhoba, a fitlhela bolwetse jwa lepero bo fodile mo go ene, foo a moperesiti a laele gore yo o itshekisiwang a tsisediwe dinonyane di le pedi tse di phelang tse di itshekileng le logong lwa mosetere le lesela la bohibidu jwa madi le mosiama. Moperesiti a be a laele gore nonyane e nngwe e tlhabelwe mo mogotšwaneng wa letsopa o o nang le metsi a motswedi. A be a tsee nonyane e e phelang le logong lwa mosetere le lesela la bohibidu jwa madi le mosiama, a di ine mmogo le nonyane e e phelang mo mading a nonyane e e tlhabilweng godimo ga metsi a motswedi a a mo mogotšwaneng; a be a kgatshe yo o itshekisiwang lepero gasupa, a mo itshekise jalo, a be a lese nonyane e e phelang e fofele kwa nageng. Mme yo o itshekisiwang a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a ipeole moriri otlhe, a tlhape mmele otlhe; foo o tla bo a itshekile. Morago go moo a ka tsena mo bothibelelong. Fela a a nne ka fa ntle ga tente ya gagwe malatsi a supa. Jaanong ka letsatsi la bosupa a ipeole tlhogo le ditedu le dintshi tsa matlho; a ipeole, a be a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; foo o tla bo a itshekile. Mme ka letsatsi la robedi a tsee dikwana tse ditonanyana di le pedi tse di se nang bogole le kwana e namagadi e le nngwe ya ngwaga o le mongwe e e se nang bogole le dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta jwa tshupelo ya dijo bo tlhakantswe le lookwane, le modutwana o le mongwe wa lookwane. Moperesiti yo o itshekisang a be a emise monna yo o itshekisiwang le dilo tseo fa pele ga Morena fa mojakong wa Tente ya Boipontsho. Moperesiti a be a tsee kwana e tonanyana nngwe, a e tsise go nna setlhabelo sa molato mmogo le modutwana wa lookwane, a di kgadikanye, e nne tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena; a be a tlhabele kwana mo felong fa go tlhabelwang setlhabelo sa boleo le sa phiso teng mo Felong-fa-go-Boitshepo. Gonne setlhabelo sa molato ke sa moperesiti jaaka sa boleo; ke tse di boitshepotshepo. Moperesiti a be a tsee madi mangwe a setlhabelo sa molato, a a tshase mo lereteng la tsebe e e jang ya yo o itshekisiwang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa seatla sa gagwe se se jang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa lonao lwa gagwe lo lo jang. Jaanong moperesiti a tsee lookwane mo modutwaneng, a lo itshele mo seatleng sa molema. Moperesiti a be a ine monwana wa seatla se se jang mo lookwaneng lo lo mo seatleng sa gagwe sa molema, a kgatshe lookwane longwe ka monwana wa gagwe gasupa fa pele ga Morena. Moperesiti a be a tsee lookwane longwe lo lo mo seatleng sa gagwe, a lo tshase mo lereteng la tsebe e e jang ya yo o itshekisiwang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa seatla sa gagwe se se jang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa lonao lwa gagwe lo lo jang fa o neng a tshasa madi a setlhabelo sa molato teng. Mme lookwane lo lo setseng mo seatleng sa gagwe a a lo tshele mo tlhogong ya yo o itshekisiwang. A moperesiti a mo ruanye jalo fa pele ga Morena. “Moperesiti a be a dire setlhabelo sa boleo, a ruanye yo o itshekisiwang ka ntlha ya itshekologo ya gagwe; morago ga moo a tlhabe setlhabelo sa phiso. Jaanong a moperesiti a dire setlhabelo sa phiso le tshupelo ya dijo mo aletareng, a mo direle thuanyo jalo; foo o tla bo a itshekile. “Mme fa a humanegile, a sa kgone go ntsha tse di kalo, a a tsee kwana e tonanyana e le nngwe e le ya setlhabelo sa molato sa kgadikanyo sa go mo ruanya, le karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta bo tlhakantswe le lookwane go nna tshupelo ya dijo le modutwana wa lookwane le maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi ka fa a kgonang ka teng; lengwe e nne la setlhabelo sa boleo, le lengwe e nne la setlhabelo sa phiso. Ka letsatsi la robedi la itshekiso ya gagwe a di ise kwa go moperesiti fa mojakong wa Tente ya Boipontsho fa pele ga Morena. Jaanong a moperesiti a tsee kwana ya setlhabelo sa molato le modutwana wa lookwane, a be a di kgadikanye, e nne tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena. Jaanong a go tlhajwe kwana ya setlhabelo sa molato, mme moperesiti a tsee madi mangwe a setlhabelo sa molato, a a tshase mo lereteng la tsebe e e jang ya yo o itshekisiwang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa seatla sa gagwe se se jang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa lonao lwa gagwe lo lo jang. Moperesiti a be a itshele lookwane longwe mo seatleng sa molema. Moperesiti a be a tsee lookwane longwe lo lo mo seatleng sa gagwe sa molema ka monwana wa seatla se se jang, a lo kgatshe gasupa fa pele ga Morena. Le gona a moperesiti a tshase lookwane longwe lo lo mo seatleng sa gagwe mo lereteng la tsebe e e jang ya yo o itshekisiwang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa seatla sa gagwe se se jang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa lonao lwa gagwe lo lo jang fa o neng a tshasa madi a setlhabelo sa molato teng. Mme lookwane lo lo setseng mo seatleng sa gagwe, a a lo tshele mo tlhogong ya yo o itshekisiwang go mo ruanya fa pele ga Morena. Jaanong a a baakanye lengwe la maphoi gongwe lengwe la maebana ka fa moitshekisiwi a kgonang ka teng; le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo, le lengwe e nne la setlhabelo sa phiso mmogo le tshupelo ya dijo. A moperesiti a ruanye yo o itshekisiwang jalo fa pele ga Morena. Ke ona molao wa yo o neng a na le bolwetse jwa lepero yo o tlhokang tse di lekanyeng itshekiso ya gagwe.” Morena a ba a raya Moše le Arone a re: “E re lo sena go tsena mo lefatsheng la Kanana le ke tla le lo nayang go nna la lona, mme ke dira sebata sa lepero mo ntlong nngwe ya lefatshe la boswa jwa lona, foo mong wa ntlo eo a tle, a begele moperesiti a re: ‘Go itshupa se e keteng ke sebata sa lepero mo ntlong ya me.’ Jaanong a moperesiti a laele gore ba ntshe dilo tsotlhe mo ntlong, moperesiti a ise a tsene go sekaseka sebata sa lepero gore go se ka ga itshekologa sepe sa tse di mo ntlong; morago ga moo moperesiti a tsene go sekaseka ntlo. Jaanong fa a sekaseka sebata, a fitlhela sebata se le mo dipoteng tsa ntlo, mme go le dikhutinyana tse ditalana gongwe tse dikhibitswana, mme go bonala fa di epaepile mo loboteng, gona a moperesiti a tswe mo ntlong ka mojako, a lotlele ntlo malatsi a supa. Jaanong a moperesiti a boele teng ka letsatsi la bosupa. Fa a fitlhela sebata se keketse mo dipoteng tsa ntlo, a a laele gore ba ntshe diekana tse sebata se leng mo go tsona, ba di latlhele kwa ntle ga motse kwa felong fa go sa itshekang. Mme ntlo ba e fale ka fa teng tikologong, ba be ba tshololele momaro o ba o fadileng kwa ntle ga motse kwa felong fa go sa itshekang. Ba be ba tsee diekana tse dingwe, ba di tsenye mo boemong jwa diekana tsa pele, gape ba tsee mmu o sele, ba dile ntlo sešwa. Mme fa sebata se boela se simologa gape mo ntlong ba sena go ntsha diekana le go fala ntlo le go e dila, a moperesiti a tsene; jaanong fa a e sekaseka, mme a fitlhela sebata se keketse mo ntlong, gona ke lepero le le bosula mo ntlong e; e itshekologile. Ka moo a ba dige ntlo, e bong diekana le dikgong tsa yona le mmu otlhe wa yona, ba di ntshetse kwa ntle ga motse kwa felong fa go sa itshekang. Mme yo o ka tsenang mo ntlong eo malatsing otlhe a e lotletsweng ka ona, o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Yo o robalang mo ntlong eo, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe; le yo o jelang mo go yona, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe. “Mme fa moperesiti a tsena, a sekaseka, a fitlhela sebata se sa kekela mo ntlong, ntlo e sena go dilwa, gona a moperesiti a re: ‘Ntlo e itshekile!’ Gonne fa go neng go lwala go alafegile. Jaanong a a tsee dinonyane di le pedi le logong lwa mosetere le lesela la bohibidu jwa madi le mosiama go leofolola ntlo. A be a tlhabele nonyane e nngwe mo mogotšwaneng wa letsopa o o nang le metsi a motswedi. A be a tsee logong lwa mosetere le mosiama le lesela la bohibidu jwa madi le nonyane e e phelang, a di ine mo mading a nonyane e e tlhabilweng le mo metsing a motswedi, a kgatshe ntlo gasupa. A tlhatswe ntlo boleo ka madi a nonyane le ka metsi a motswedi le ka nonyane e e phelang le ka logong lwa mosetere le ka mosiama le ka lesela la bohibidu jwa madi. Jaanong a lese nonyane e e phelang e fofele kwa ntle ga motse kwa nageng, a ruanye ntlo jalo; foo e tla bo e itshekile. “Ke ona molao wa bolwetse bongwe le bongwe jwa lepero le wa motshwa le wa lepero la diaparo le la ntlo le wa thurugo le wa seromo le wa dibata tse ditshweu; e le go ruta gore selo fa se itshekologile se ntse jang; le fa se itshekile se ntse jang. Ke ona molao wa lepero.” Morena a ba a raya Moše le Arone a re: “Buang le Baiseraele lo ba ree lo re: ‘Monna mongwe le mongwe yo o ntseng a tshologa madi a bonna mo mmeleng wa gagwe, tshologo eo ya gagwe e itshekologile. Itshekologo ya gagwe ka ntlha ya tshologo ya gagwe e tla nna jaana: A mmele wa gagwe o tswa tshologo ya gagwe gongwe o thibegile o sa tshologe, e ntse e le itshekologo ya gagwe. Bolao bongwe le bongwe jo motshologi a robalang mo go jona bo tla itshekologa; le sengwe le sengwe se a nnang mo go sona se tla itshekologa. Le fa e le mang yo o amang bolao jwa gagwe, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Le yo o nnang mo go sengwe se motshologi o neng a ntse mo go sona, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Le yo o amang mmele wa motshologi, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Mme fa yo o itshekileng a kgwelwa ke motshologi mathe, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Le manno a motshologi a palameng mo go ona a tla itshekologa. Le fa e le mang yo o amang sengwe le fa e le eng se se fa tlase ga gagwe, o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng; le yo o se rwalang, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Le yo o ka angwang ke motshologi a sa tlhapa diatla, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Selo sa letsopa se motshologi a se amang a se thujwe; mme tsa logong tsona, fa a di amile a di tlhatswiwe ka metsi. “ ‘Fa motshologi a ka itsheka a sa tlhole a tshologa, a a bale malatsi a supa go tloga itshekong ya gagwe; morago ga moo a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi a motswedi; foo o tla bo a itshekile. Mme ka letsatsi la robedi a tsee maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi, a tle fa pele ga Morena fa mojakong wa Tente ya Boipontsho, a a neele moperesiti. “ ‘Jaanong a moperesiti a a baakanye, le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo, le lengwe e nne la setlhabelo sa phiso; moperesiti a mo ruanye jalo fa pele ga Morena ka ntlha ya tshologo ya gagwe. “ ‘E re fa monna a tshologa peo e se ka bolwetse, a a tlhape mmele otlhe, a nne a itshekologile go ya maitsiboeng. Seaparo sengwe le sengwe le kobo nngwe le nngwe tse peo e tshologetseng mo go tsona a di tlhatswiwe ka metsi, di nne di itshekologile go ya maitsiboeng. E re fa monna a robala le mosadi a tshologa peo, a ba tlhape, ba nne ba itshekologile go ya maitsiboeng. “ ‘E re fa mosadi a bonye mosese, a tswa madi mo mmeleng, a a nne a itshekologile malatsi a supa, mme mongwe le mongwe yo o mo amang o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Le sengwe le sengwe se a robalang mo go sona a le mo itshekologong ya gagwe se tla itshekologa; le sengwe le sengwe se a nnang mo go sona se tla itshekologa. Le fa e le mang yo o amang bolao jwa gagwe, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape, a nne a itshekologile go ya maitsiboeng. Le mongwe le mongwe yo o amang se sengwe, le fa e le eng se a nnang mo go sona, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape, a nne a itshekologile go ya maitsiboeng. Fa mongwe a ama se se mo bolaong gongwe mo go se sengwe se mosadi a nnang mo go sona, o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Mme fa monna a robala nae, mme itshekologo ya go ipona ga mosadi e tla mo go ene, foo le monna o tla bo a itshekologile malatsi a supa; le bolao bongwe le bongwe jo monna a robalang mo go jona bo tla itshekologa. “ ‘Mme fa mosadi a ka bona mosese malatsi a mantsi, e se sebaka sa ona, gongwe a o bona go feta sebaka sa ona, foo malatsi otlhe a itshekologo ya gagwe a tla tshwana le malatsi a mosese wa gale, ke go re: O ntse a itshekologile. Bolao bongwe le bongwe jo o robalang mo go jona a ntse a bolawa ke mosese bo tla tshwana le bolao jwa mosese wa gale; le sengwe le sengwe se a nnang mo go sona se tla itshekologa jaaka itshekologong ya go ipona ga gagwe. Mongwe le mongwe yo o amang dilo tseo o tla itshekologa; a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape, a nne a itshekologile go ya maitsiboeng. Mme fa mosadi a sena go itsheka a sa tlhole a ela madi, a a bale malatsi a supa; morago ga moo o tla bo a itshekile. Mme ka letsatsi la robedi a mosadi a tsee maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi, a a ise kwa go moperesiti fa mojakong wa Tente ya Boipontsho. Jaanong a moperesiti a a baakanye, le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo, le lengwe e nne la setlhabelo sa phiso. A moperesiti a ruanye mosadi jalo fa pele ga Morena ka ntlha ya itshekologo ya gagwe. “ ‘Lo tlhagise Baiseraele jalo ka ntlha ya itshekologo ya bone gore ba se ka ba itshekolola Taberenakele ya me e e mo gare ga bone; foo ba ka tloga ba swa ka ntlha ya itshekologo ya bone. “ ‘Ke ona molao wa monna yo o nang le tshologo le yo o tshologang peo mo a itshekologang ka gona le wa mosadi yo o itshekologileng ka mosese le wa yo o nang le tshologo, le fa e le monna gongwe mosadi le wa monna yo o robalang le mosadi yo o itshekologileng.’ ” Morena o ne a bua le Moše morago ga loso lwa bomorwa Arone ba babedi jale fa ba atamela fa pele ga Morena ka molelo o sele mo ba bileng ba swa. Morena a raya Moše a re: “Raya Arone mogoloo o re, a se ka a tsena ka nako nngwe le nngwe mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo ka fa teng ga lesire fa pele ga sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole gore a se swe; gonne ke iponatsa ke le mo lerung godimo ga sekhurumelo sa thuanyo. Arone a ka tsena fela mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo ka go tlhaba poana ya setlhabelo sa boleo le phelehu ya setlhabelo sa phiso; a apare hempe e e boitshepo ya letseta le borokgwe jwa letseta, a bo tswale mo mmeleng wa gagwe, a ikgatlhe ka moikgatlho wa letseta, a rwale serwalo sa letseta; ke tsona diaparo tse di boitshepo. A a tlhape mmele, a di apare. “Mo phuthegong ya Baiseraele a tsee diphoko di le pedi tsa setlhabelo sa boleo le phelehu e le nngwe ya setlhabelo sa phiso. Jaanong Arone a tsise poana ya setlhabelo sa boleo sa gagwe, a itirele thuanyo le ba lapa la gagwe. A be a tsee diphoko tse pedi, a di emise fa pele ga Morena fa mojakong wa Tente ya Boipontsho. Arone a be a tlhamele diphoko tse pedi ditengwa, tengwa e nngwe e nne ya Morena, tengwa e nngwe e nne ya ga Asasele. Arone a be a atametse phoko e tengwa ya Morena e wetseng mo go yona, a e dire setlhabelo sa boleo. Mme phoko e tengwa ya ga Asasele e wetseng mo go yona, a e emisiwe fa pele ga Morena e ntse e phela go dira tsa thuanyo mo go yona le go e lelekela go Asasele kwa sekakeng. “Ke go re: Arone a tsise poana ya setlhabelo sa boleo sa gagwe, a e tlhabe, a itirele thuanyo le ba lapa la gagwe; a be a tsee leiswana le tletse magala a a tswang mo aletareng fa pele ga Morena le bupe jwa matlhare a a nkgang monate bo tletse magofi a mabedi, a di ise ka fa teng ga lesire. A ba a tshele tsa maswalo ao mo molelong fa pele ga Morena gore musi wa maswalo o bipe sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole la Tshupo gore a se swe. A be a tsee madi mangwe a poana, a a kgatshe ka monwana wa gagwe mo sekhurumelong sa thuanyo ntlheng ya botlhabatsatsi, a be a kgatshe madi mangwe ka monwana wa gagwe gasupa fa pele ga sekhurumelo sa thuanyo. “A be a tlhabe phoko ya setlhabelo sa boleo sa morafe, a be a ise madi mangwe a yona ka fa teng ga lesire, a dire ka madi a yona jaaka a dirile ka madi a poana, a a kgatshe mo sekhurumelong sa thuanyo le fa pele ga sona. A direle Felo-fa-go-Boitshepotshepo thuanyo jalo ka ntlha ya maitshekologo a Baiseraele le ka ntlha ya ditlolo tsa bone ka fa maleong a bone a mefutafuta, le Tente ya Boipontsho e e nang nabo mo gare ga maitshekologo a bone a e direle jalo. A go se nne motho ope mo Tenteng ya Boipontsho fa Arone a tsena go dira tsa thuanyo mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo go ya a ba a tswe. A a ipatlele boitshwarelo jalo le ba lapa la gagwe le phuthego yotlhe ya Iseraele. Jaanong a a tswele kwa aletareng e e fa pele ga Morena, a e direle thuanyo, a tsee madi mangwe a poana le a phoko, a a tshase mo dinakeng tsa aletare tikologong. A be a kgatshe madi mangwe mo go yona gasupa ka monwana wa gagwe, a e itshekise, a e itshepise go tlosa maitshekologo a Baiseraele. “A e re a sena go ruanya Felo-fa-go-Boitshepotshepo le Tente ya Boipontsho le aletare a atametse phoko e e phelang. Arone a bee mabogo a mabedi mo tlhogong ya phoko e e phelang, mme mo godimo ga yona a ipobole melato yotlhe ya Baiseraele le ditlolo tsotlhe tsa bone ka fa dibeng tsotlhe tsa bone, a di bee mo tlhogong ya phoko, a be a e kgweeletse kwa sekakeng ka monna yo o laetsweng tiro e. A phoko e rwale melato yotlhe ya bone jalo, e e tlosetse kwa lefatsheng le le senya; a kgweeletse phoko kwa sekakeng. “Jaanong Arone a tsene mo Tenteng ya Boipontsho, a apole diaparo tsa letseta tse o neng a di apere, fa a tsena mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo, a di tlogele teng. A be a tlhape mmele mo Felong-fa-go-Boitshepo ka metsi, a apare diaparo tsa gagwe; a be a tswe a dire setlhabelo sa phiso sa gagwe le setlhabelo sa phiso sa morafe, a itirele thuanyo le go e direla morafe. A be a fise mafura a setlhabelo sa boleo mo aletareng. Mme monna yo o kgweeditseng phoko ya ga Asasele, a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo a ka tsena mo bothibelelong. Fa e le poana ya setlhabelo sa boleo le phoko ya setlhabelo sa boleo tse madi a tsona a tsetsweng go dira thuanyo mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo, a ba di ntshetse kwa ntle ga bothibelelo, ba fise matlalo a tsona le dinama tsa tsona le meswang ka molelo. Mme yo o di fisitseng, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo a ka tsena mo bothibelelong. “A go re jalo e nne molao o o sa khutleng wa lona: Ka kgwedi ya bosupa e le some lo ikokobetse; lo se ka lwa dira tiro epe, le fa e le motho wa mo gae gongwe moeng yo o lo agetseng. Gonne ka letsatsi leo lo direlwa thuanyo go lo itshekisa, e le gore lo tlhapisiwe maleo otlhe a lona fa pele ga Morena. A e nne letsatsi le legolo la boikhutso mo go lona, mme lo ikokobetse ka lone; ke molao o o sa khutleng. Thuanyo e tla tshwanela go dirwa ke moperesiti yo mogolo yo o tla bong a tloditswe, a tlhomamisitswe mo tirong ya boperesiti mo boemong jwa ga rraagwe, mme a apare diaparo tsa letseta tse di boitshepo. A ruanye Felo-fa-go-Boitshepotshepo, a be a ruanye Tente ya Boipontsho le aletare; a be a direle baperesiti le batho botlhe ba phuthego thuanyo. A go re jalo e nne molao o o sa khutleng mo go lona go direla Baiseraele thuanyo ka ntlha ya dibe tsotlhe tsa bone gangwe ka ngwaga.” Mme Arone a dira jaaka Morena a laetse Moše. Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Arone le bomorwawe le Baiseraele botlhe, o ba ree o re: ‘Se Morena a se laetseng ke se: Mongwe le mongwe wa Baiseraele yo o tlhabang kgomo gongwe kwana gongwe podi mo bothibelelong gongwe kwa ntle ga jona, a sa e tlise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho go e atametsa go nna setlhabelo sa Morena fa pele ga Taberenakele ya Morena: Monna yoo o tla kaiwa mmolai, o tsholotse madi; monna yoo o tshwanetse go bolawa mo morafeng wa ga gabo. Ke go re: Baiseraele ba tlise ditlhabelo tse di jewang, tse ba tleng ba di tlhabele kwa ntle kwa nageng, ba di tlisetse Morena kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho kwa go moperesiti, ba di tlhabele Morena jaaka ditlhabelo tsa tebogo. A moperesiti a kgatshe madi mo aletareng ya Morena kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, a fise mafura go nna monko o o monate mo Moreneng. Ditlhabelo tsa bone tse di jewang a ba se tlhole ba di tlhabela didimo tsa sekaka tse ba di setseng morago ka boikepo. A seo se e nne molao go ya go ileng mo go bone mo ditshikeng tsa bone ka metlha.’ “O ba ree o re: ‘Mongwe le mongwe wa Baiseraele le wa baeng ba ba lo agetseng yo o dirang setlhabelo sa phiso gongwe se se tlhabelwang go jewa, mme a sa se tlise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho go se direla Morena, a monna yoo a bolawe mo morafeng wa ga gabo. “ ‘Mongwe le mongwe wa Baiseraele le wa baeng ba ba lo agetseng yo o ka jang madi ke tla mo lebisa sefatlhego sa me ka bogale, ke mmolaya mo morafeng wa ga gabo. Gonne botshelo jwa mmele bo mo mading; ke lo dumeletse go a dirisa mo aletareng fela gore lo direlwe thuanyo. Gonne madi ke ona a a ruanyang ka botshelo jo bo mo go ona. Ke ka moo ke reileng Baiseraele ka re: A go se nne motho ope mo go lona yo o jang madi; le moeng yo o lo agetseng a se ka a a ja. “ ‘Mongwe le mongwe wa Baiseraele, le fa e le wa baeng ba ba ba agetseng yo o tsomang phologolo gongwe nonyane e e jewang, a a tsholole madi a yona, a a tshelele ka mmu. Gonne botshelo jwa mmele mongwe le mongwe ke madi a ona. Ke ka moo ke reileng Baiseraele ka re: Lo se ka lwa ja madi a mmele ope; gonne botshelo jwa mmele mongwe le mongwe ke madi a ona. Mongwe le mongwe yo o a jang a a bolawe. “ ‘Mme motho mongwe le mongwe, le fa e le wa mo gae gongwe moeng, yo o ka jang se se suleng gongwe se se gagotsweng ke sebata, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape ka metsi, a nne a itshekologile go ya maitsiboeng; foo o tla bo a itshekile. Mme fa a sa di tlhatswe le e seng go tlhapa mmele, o tla rwala molato wa gagwe.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Ke nna Morena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa dira jaaka go dirwa kwa lefatsheng la Egepeto le lo neng lo agile mo go lone; lo se ka lwa dira jaaka go dirwa kwa lefatsheng la Kanana le ke tla lo isang kwa go lone; lo se ka lwa sepela ka fa mekgweng ya bone; mme lo dire ka fa ditshiamelong tsa me, lo tlhokomele melao ya me go sepela ka yona. Ke nna Morena, Modimo wa lona. Tlhokomelang he melao ya me le ditshiamelo tsa me; motho yo o dirang ka fa tsona o tla phela ka tsona; ke nna Morena. “ ‘A go se nne ope yo o nyalang yo o gaufi nae ka madi go kopana nae ka mmele. Ke nna Morena. O se ka wa nyalwa ke rraago le e seng go nyala mmago; ke mmaago, ga o na go kopana nae ka mmele. O se ka wa nyala mosadi wa ga rraago; ke go roga rraago. O se ka wa nyala kgaitsadio yo e leng morwadia rraago gongwe morwadia mmaago, le fa a tsaletswe mo gae gongwe go sele; ga o na go kopana nae ka mmele. O se ka wa nyala morwadia morwao gongwe morwadia morwadio; kana ke go ithogaka. O se ka wa nyala morwadia mosadi wa ga rraago yo o tsetsweng ke rraago yo e leng kgaitsadio; ga o na go kopana nae ka mmele. O se ka wa nyala rakgadiago; gonne ene le rraago ke bana ba motho. O se ka wa nyala mogoloa-mmaago, le fa e le mmangwanaago; gonne ba tsetswe le mmaago. O se ka wa roga mogoloa-rraago gongwe rangwanaago ka go nyala mosadi wa gagwe; ke mmaago. O se ka wa nyala ngwetsi wa gago; ke mosadi wa ga morwao; o se ka wa kopana nae ka mmele. O se ka wa nyala mosadi wa ga morwa-rraago; ke go mo roga. O se ka wa nyala mosadi le morwadie; o se ka wa mo tsaya le morwadia morwawe gongwe morwadia morwadie go kopana nabo ka mmele; ke ba losika lwa gagwe. Go re jalo ke tiro e e maswe thata. Le gona o se ka wa nyala bana ba motho lefufa go kopana le wa bobedi ka mmele, wa ntlha a sa ntse a phela. “ ‘Le gona o se ka wa atamela mosadi go kopana nae ka mmele, fa a le mo boitshekologong jwa mosese. O se ka wa batela mosadi wa mongwe-ka-wena, wa itshekologa ka ene. O se ka wa ntsha ope wa bana ba gago go mo neela Mologe ka go mo ralatsa molelo, e se re gongwe wa itshepolola leina la Modimo wa gago. Ke nna Morena. O se ka wa robala le monna jaaka go robalwa le mosadi. Ke se se ilegang. O se ka wa ikopanya le seruiwa sepe go itshekologa ka sona; le mosadi a se ka a ema fa pele ga seruiwa go kopana naso. Ke tlhakanyo e e boitshegang. “ ‘Lo se ka lwa iitshekolola ka sepe sa dilo tseo; gonne baheitane ba ke tla ba lelekang fa pele ga lona ba iitshekolotse ka tsotlhe tseo. Lefatshe le bile le itshekologile, mme ke tla le beletsa tshiamololo ya lone gore lefatshe le tlhatse beng ba lone. Mme lona lo tlhokomele melao ya me le ditshiamelo tsa me; lo se ka lwa dira sepe sa maila ao, lona ba lo tsaletsweng mo gae le fa e le moeng yo o lo agetseng. Gonne batho ba lefatshe ba ba neng ba le teng pele ga lona ba dirile maila otlhe ao, mo lefatshe le bileng la itshekologa. Lefatshe le ka tloga la lo tlhatsa, fa lo le itshekolola, jaaka le tlhatsitse baheitane ba ba neng ba le teng pele ga lona. Gonne batho botlhe ba ba dirang sengwe sa maila ao ba tla nyelediwa mo morafeng wa ga bone. “ ‘Tlhokomelang he tse di beilweng ke nna gore lo se dire sepe sa mekgwa ya maila a batho ba a dirileng pele ga lona, le e seng go iitshekolola ka ona. Ke nna Morena, Modimo wa lona.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le phuthego yotlhe ya Baiseraele, o ba ree o re: ‘Nnang boitshepo, gonne nna Morena Modimo wa lona ke boitshepo. A mongwe le mongwe a boife mmaagwe le rraagwe, lo tlhokomele boSabata ba me; ke nna Morena Modimo wa lona. “ ‘Lo se ka lwa ineela medimo ya boithamako le e seng go itirela medimo e e bopilweng; ke nna Morena Modimo wa lona. “ ‘Fa lo tlhabela Morena setlhabelo sa tebogo, lo se tlhabe ka fa lo ka mo itumedisang ka teng. A se jewe ka letsatsi le lo se tlhabang ka lone le kamoso, mme se se ka salang go ya letsatsing la boraro se fisiwe ka molelo. Mme fa se ka jewa ka letsatsi la boraro, se tla bo se itshekologile, se sa kgatlhe. Yo o se jang o tla rwala molato wa gagwe; gonne o itshepolotse tse di boitshepo tsa Morena. Mme motho yoo a a nyelediwe mo morafeng wa ga gabo. “ ‘E re fa lo roba thobo ya lefatshe la lona, lo se ka lwa feletsa go roba matlhakore a masimo a lona; lo se ka lwa sela maronopo a thobo ya lona. Le tshimo ya gago ya moweine o se ka wa e ronopa le maungo a tshimo ya moweine ya gago a a tlhotlhoregileng o se ke wa a sela, mme o a tlogelele mohumanegi le moeng. Ke nna Morena Modimo wa lona. “ ‘Lo se ka lwa utswa; lo se ka lwa aka le e seng go tsietsanya. Lo se ka lwa ikana ka maaka ka leina la me, mo lo tla bong lo itshepolola leina la Modimo wa lona; ke nna Morena. “ ‘O se ka wa gatelela mongwe-ka-wena le e seng go mo thukhutha; yo o rapetsweng letsatsi o se ka wa lala o sa mo duela. O se ka wa roga sesusu le e seng go baya sekgopi fa pele ga sefofu, mme o boife Modimo wa gago. Ke nna Morena. “ ‘Lo se ka lwa dira tse di sokameng mo tshekong; o se ka wa gobelelela yo mmotlana le e seng go tlotla yo mogolo, mme o atlhole mongwe-ka-wena ka tshiamo. O se ka wa tsamayatsamaya go senya maina mo morafeng wa ga eno le e seng go bolaisa mongwe-ka-wena mo tshekong; ke nna Morena. “ ‘O se ka wa tlhoa morwa-rraago mo pelong ya gago, mme o kgalemele mongwe-ka-wena ka tshwanelo, e se re gongwe wa nna mo molatong ka ntlha ya gagwe. O se ka wa ipusolosetsa le e seng go bolokela ba morafe wa ga eno bogale, mme o rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata. Ke nna Morena. “ ‘Tlhokomelang melao ya me; o se ka wa gwedisanya mefuta e le mebedi ya diruiwa tsa gago; o se ka wa jwala peo ya mefuta e mebedi mo tshimong ya gago. O se ka wa apara seaparo se se logilweng ka ditlhale tsa mefuta e mebedi. “ ‘Fa monna a robala le mosadi, mme mosadi yoo e le lekgoba le mogadingwana wa monna yo mongwe, mosadi a sa rekololwa le e seng go fiwa kgololesego, a petso e nne teng, fela ba se ka ba bolawa, ka mosadi a ne a sa gololwa. A monna a isetse Morena setlhabelo sa molato wa gagwe kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, e bong phelehu ya setlhabelo sa molato. A moperesiti a mo ruanye ka phelehu ya setlhabelo sa molato fa pele ga Morena ka ntlha ya boleo jo a bo dirileng; foo o tla itshwarelwa boleo jo a bo dirileng. “ ‘E re lo sena go fitlha kwa lefatsheng la Kanana le go tlhoma ditlhare tsa mefutafuta tse di jewang, foo lo kae maungo a tsona kilelo dinyaga di le tharo tsa ntlha; a a nne boheitane mo go lona, a se ka a jewa. Mme ka ngwaga wa bone maungo otlhe a tsona e nne dineo tse di boitshepo tsa go leboga Morena. Jaanong ka ngwaga wa botlhano lo ka ja maungo a tsona, e le gore di tle di lo ntsifaletse maungo. Ke nna Morena Modimo wa lona. “ ‘Lo se ka lwa ja sepe se na le madi a sona. Lo se ka lwa dira tsa botlhodi le e seng tsa boitseanape. Lo se ka lwa ipeola tlhogo setlopo. Le gona lo se ka lwa poma ditedu tsa lona. Lo se ka lwa iphatsa mmele ka ntlha ya moswi, le e seng go ikgabisa ka mokgwara; ke nna Morena. “ ‘O se ka wa itshepolola morwadio ka go mo dirisa boaka, e se re gongwe lefatshe la tloga la dira boikepo, la ba la tlala bosula jo bo tlhabisang ditlhong. Tlhokomelang boSabata ba me, lo boife Felo-ga-Boitshepo ga me; ke nna Morena. “ ‘Se batleng thuso mo go ba ba buang le badimo le mo go baitseanape; lo se ka lwa ba botsa lwa tloga lwa itshekologa ka bone; ke nna Morena Modimo wa lona. “ ‘Nanogela tlhogo e pududu, o tlotle sefatlhego sa motsofe, o boife Modimo wa gago; ke nna Morena. “ ‘E re fa moeng a lo falaletse mo lefatsheng la lona, lo se ka lwa mo gatelela. Moeng yo o lo falaletseng lo mo kaye jaaka mogalona, mme lo mo rate jaaka lo ithata; gonne le lona lo ne lo le baeng kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nna Morena Modimo wa lona. “ ‘Lo se ka lwa dira tshiamololo mo tshekong ka selekanyo sa boleele le fa e le sa bokete gongwe sa seelo. Lo nne le selekanyetso se se siameng le majwe a a supang bokete a a siameng le efa e e siameng le hina e e siameng; ke nna Morena, Modimo wa lona, yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto. Tlhokomelang melao ya me yotlhe le ditshiamelo, lo dire ka tsona; ke nna Morena.’ ” Morena a ba a bua le Moše a re: “Raya Baiseraele o re: ‘Mongwe le mongwe wa Baiseraele gongwe wa baeng ba ba tsileng majako mo Iseraele yo o neelang Mologe mongwe wa bana ba gagwe, o tshwanetse go bolawa. A batho ba teng ba mo kgobotletse ka majwe. Le nna ke tla leba motho yoo ka bogale, ke mo nyeletsa mo morafeng wa ga gabo; ka gonne o neetse Mologe mongwe wa bana ba gagwe. Ka go dira jalo o itshekolotse Felo-fa-go-Boitshepo ga me, a itshepolola leina le le boitshepo la me. Fa batho ba lefatshe ba budulalela motho yo o neileng Mologe mongwe wa bana ba gagwe gore ba se ka ba mmolaya, nna ke tla leba motho yoo le ba losika lwa gagwe ka bogale, ke mo nyeletsa le botlhe ba ba mo setseng morago ka go direla Mologe boaka jwa boikepo, ke ba fedisa mo morafeng wa ga bone. “ ‘Motho yo o batlang thuso mo go ba ba buang le badimo le mo go baitseanape, a ba sala morago ka boikepo, motho yoo ke tla mo leba ka bogale, ke mo nyeletsa mo morafeng wa ga gabo. Iitshepiseng, lo nne boitshepo; gonne ke nna Morena Modimo wa lona. Tlhokomelang melao ya me, lo dire ka yona; ke nna Morena yo ke lo itshepisang. “ ‘Mongwe le mongwe yo o rogang rraagwe gongwe mmaagwe o tshwanetse go bolawa. O rogile rraagwe gongwe mmaagwe, o bolawa ka molato wa gagwe. “ ‘Fa monna a dira boaka le mosadi wa monna yo mongwe, a batela mosadi wa mongwe-ka-ene, ba tshwanetse go bolawa boo babedi, moakafadi wa monna le wa mosadi. Fa monna a robala le mosadi wa ga rraagwe, o a bo a rogile rraagwe; ba tshwanetse go bolawa boo babedi. Ba bolawa ka molato wa bone. Fa monna a robala le ngwetsi wa gagwe, ba tshwanetse go bolawa boo babedi. Ba dirile tiro e mpe. Ba bolawa ka molato wa bone. Fa monna a robala le monna jaaka go robalwa le mosadi, ba dirile maila boo babedi. Ba tshwanetse go bolawa. Ba bolawa ka molato wa bone. Fa monna a ka tsaya mosadi le mmaagwe mosadi, ke se se ilegang; a ba fisiwe ka molelo, ene le bone gore go se nne se se ilegang mo go lona. Fa monna a robala le seruiwa, o tshwanetse go bolawa; le seruiwa lo se bolae. Fa mosadi a atamela seruiwa sengwe go kopana naso, o bolae mosadi le seruiwa; a mosadi a bolawe naso. Mosadi o tla swa naso ka molato wa gagwe le wa sona. “ ‘Fa monna a tsaya kgaitsadie, e bong morwadia rraagwe gongwe morwadia mmaagwe, ba kopana mmogo ka mebele, ba sentse madi. A ba nyelediwe mo matlhong a ba ga bone. O bipolotse bosaikatega jwa ga kgaitsadie. A ba rwale molato wa bone. Fa monna a robala le mosadi yo o iponang, a bipolola bosaikatega jwa gagwe, o a bo a bipolotse motswedi wa mosadi, le mosadi o ipipolotse motswedi wa madi. A ba nyelediwe ka bobedi jwa bone mo morafeng wa ga bone. “ ‘O se ka wa robala le mogoloa-mmaago gongwe mmangwanaago gongwe rrakgadiago; gonne yo o dirang jalo o kopanye le yo o gaufi nae ka madi. Ba tla rwala molato wa bone. Fa monna a robala le mosadi wa ga rrangwanaagwe gongwe wa ga mogoloa-rraagwe, o bipolotse bosaikatega jwa ga rrangwanaagwe gongwe jwa ga mogoloa-rraagwe. Ba tla rwala boleo jwa bone. Ba tla swa ba se na bana. Fa monna a tsaya mosadi wa ga morwa-rraagwe, o sentse madi. O bipolotse bosaikatega jwa ga morwa-rraagwe. Ba tla tlhoka bana. “ ‘Jaanong he, tlhokomelang melao ya me yotlhe le ditshiamelo tsa me tsotlhe, lo dire ka tsona gore lefatshe le ke lo isang kwa go lone go nna teng, le se ka la lo tlhatsa. Lo se ka lwa sepela ka fa mekgweng ya baheitane ba ke tla ba lelekang fa pele ga lona; ka gonne ba dirile tsotlhe tseo, ba be ba ntena. Kana ke lo reile ka re: Lona lo tla ja naga ya bone boswa, ke tla e lo naya go e rua; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Ke nna Morena Modimo wa lona yo ke lo lomologantseng le merafe eo. Ka moo he farologanyang ditshedi tse di itshekileng le tse di sa itshekang le dinonyane tse di sa itshekang le tse di itshekileng, mme lo se ka lwa itira ba ba ilegang ka ditshedi le ka dinonyane le ka tsotlhe tse di gagabang fa fatshe tse ke di lomologantseng gore e nne tse di sa itshekang mo go lona. Mme lo nne ba ba boitshepo ba me, gonne nna Morena ke yo o boitshepo. Ke lo lomologantse le merafe gore lo nne ba me. “ ‘Fa monna gongwe mosadi a tsenwa ke mowa wa moswi gongwe wa boitseanape, ba tshwanetse go bolawa. A ba kgobotlediwe ka majwe. Ba bolawe ka molato wa bone.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le baperesiti, bomorwa Arone, o ba ree o re: ‘A moperesiti a se ka a iitshekolola ka moswi mo morafeng wa ga gabo, fa e se ka mongwe-ka-ene yo o gaufi nae ka madi, e bong ka mmaagwe le ka rraagwe le ka morwawe le ka morwadie le ka morwa-rraagwe le ka kgaitsadie wa lekgarebe yo o gaufi nae yo o iseng a nyalwe ke monna; ka bone o ka iitshekolola. A se ka a iitshekolola ka kgaitsadie yo o nyetsweng mo morafeng wa ga gabo, ka a tla bo a iitshepolola. “ ‘Baperesiti ba se ka ba ipeola mafatla mo tlhogong tsa bone, ba se ka ba ipoma ditedu le e seng go iphatsa mebele. A e nne ba ba itshepetseng Modimo wa bone, mme ba se ka ba itshepolola leina la Modimo wa bone; gonne ke bone ba ba tsisang tsa melelo ya Morena, e bong dijo tsa Modimo wa bone; ke ka moo ba tshwanetseng go nna ba ba boitshepo. A ba se ka ba tsaya mosadi wa seaka gongwe yo o senyegileng; le gona ba se ka ba tsaya mosadi yo o tlhadilweng ke monna; gonne moperesiti o itshepetse Modimo wa gagwe. Ka moo a a kaiwe yo o boitshepo; gonne ke ene yo o fisang dijo tsa Modimo wa gago mo aletareng. A e nne yo o boitshepo mo go lona. Gonne nna Morena ke yo o boitshepo yo ke lo itshepisang. Fa morwadia moperesiti a ka iitshepolola ka go akafala, o a bo a itshepolola rraagwe; a a fisiwe ka molelo. “ ‘Mme moperesiti yo mogolo mo baperesiting ka ene yo o tshetsweng lookwane lwa tlotso mo tlhogong, a bile a tlhomamisitswe gore a apare diaparo tsa boperesiti, a se ka a lesa moriri wa gagwe go lepelela ka botlhaswa, a se ka a ikgagola diaparo. A se ka a atamela moswi ope; a se ka a iitshekolola ka rraagwe le e seng ka mmaagwe. A se ka a tswa mo Felong-fa-go-Boitshepo, a se ka a itshepolola Felo-fa-go-Boitshepo ga Modimo wa gagwe; gonne itshepelo ya lookwane lwa tlotso ya Modimo wa gagwe e mo go ene. Ke nna Morena. A a tsee mosadi yo e leng lekgarebe la tlotlego, mme a se ka a tsaya motlholagadi gongwe yo o tlhadilweng gongwe yo o senyegileng gongwe seaka. A a tsee lekgarebe la morafe wa ga gabo go nna mosadi wa gagwe gore a se ka a itshepolola bana ba gagwe mo morafeng wa ga gabo; gonne ke nna Morena yo ke mo itshepisang.’ ” Morena a ba a bua le Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Mongwe le mongwe wa losika lwa gago kajeno le metlheng e e tlang yo o nang le bogole a se ka a atamela go tlisa dijo tsa Modimo wa gagwe. Gonne monna mongwe le mongwe yo o nang le bogole ga a tshwanela go atamela, le fa e le sefofu gongwe yo o tlhotsang gongwe yo o nko e phaphathi gongwe yo o nang le tokololo e e gololegileng gongwe yo o kileng a robega lekoto, le fa e le letsogo gongwe yo o duleng mokwatla gongwe yo o hubileng gongwe yo o leitlho-le-sebala gongwe yo o duleng motshweetshwee gongwe ditlhoko gongwe yo o senyegileng bonna. Monna mongwe le mongwe wa losika lwa ga Arone moperesiti yo o nang le bogole, a se ka a atamela go tlisa tsa melelo ya Morena; o na le bogole, ga a tshwanela go atamela go tlisa dijo tsa Modimo wa gagwe. Go ja o ka ja dijo tsa Modimo wa gagwe, le fa e le tse di boitshepotshepo gongwe tse di boitshepo. Fela a se ka a tsena fa lesireng le e seng go atamela kwa aletareng; gonne o na le bogole; e se re gongwe a itshepolola tse di boitshepo tsa me; gonne ke nna Morena yo ke di itshepisang.’ ” Moše a begela Arone le bomorwawe le Baiseraele botlhe. Morena a ba a bua le Moše a re: “Raya Arone le bomorwawe gore ba itime tse di boitshepo tsa Baiseraele tse ba di intshepisetsang, e se re gongwe ba itshepolola leina le le boitshepo la me. Ke nna Morena. Ba ree o re: ‘Monna mongwe le mongwe wa ditshika tsa lona, le fa e le wa losika lofe lwa lona, yo o ka atamelang tse di boitshepo tse Baiseraele ba di itshepisetsang Morena, a na le boitshekologo, a motho yoo a nyelediwe fa pele ga me. Ke nna Morena. “ ‘Monna mongwe le mongwe wa losika lwa ga Arone yo e leng molepero gongwe yo o nang le tshologo, a se ka a ja tse di boitshepo a ise a itsheke; gape yo o amang mongwe yo o itshekologileng ka moswi gongwe yo o tshologileng peo gongwe yo o amang segagabi se a itshekologang ka sona, le fa e le motho yo a itshekologang ka ene, le fa a na le itshekologo efe. Motho yo o amang tse di ntseng jalo a a nne a itshekologile go ya maitsiboeng, mme a se ka a ja tse di boitshepo a ise a tlhape mmele. Mme fa letsatsi le sena go phirima, o tla bo a itshekile; morago ga moo a ka ja tse di boitshepo; gonne ke dijo tsa gagwe. Se se suleng le se se bolailweng ke sebata a se ka a se ja, e se re gongwe a itshekologa ka sona. Ke nna Morena. “ ‘A ba tlhokomele ditaelo tsa me gore ba se ka ba ithwesa boleo ka ntlha ya tse di boitshepo; ba tloga ba swa ka tsona, fa ba di itshepolotse. Ke nna Morena yo ke ba itshepisang. “ ‘Tse di boitshepo ga di a tshwanela go jewa ke yo e seng moperesiti; le yo o agileng go bapa le moperesiti le yo o rapilweng ke ene ka tuelo a se ka a ja tse di boitshepo. Mme fa moperesiti a reka motho ka madi a gagwe, ene o ka di ja; le ba ba tsaletsweng mo ntlong ya gagwe bone ba ka ja dijo tseo. Fa morwadia moperesiti a nyalwa ke monna yo e seng moperesiti, a se ka a tlhola a ja kabelo ya tse di boitshepo. Fela fa morwadia moperesiti a nna motlholagadi gongwe a tlhalwa a se na bana a ba a boela kwa ntlong ya ga rraagwe, gona o ka ja dijo tsa ga rraagwe jaaka pele. Fela di se ka tsa jewa ke ope o sele. “ ‘E re fa motho a ka ja se se boitshepo, a sa itse, a a se oketse ka karolo ya botlhano, a nee moperesiti se se boitshepo. A baperesiti ba se ka ba itshepolola dineo tse di boitshepo tse Baiseraele ba di kgethelang Morena le e seng go ba rwesa molato o o nang le petso ka go ja tse di boitshepo tsa bone ka tshwanologo. Gonne ke nna Morena yo ke ba itshepisang.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Arone le bomorwawe le Baiseraele botlhe, o ba ree o re: ‘Mongwe le mongwe wa Baiseraele le wa baeng ba ba mo Iseraele yo o tlisang tshupelo ya gagwe – le fa e le dineo tsa maikano gongwe tsa lorato tse ba di tlisetsang Morena go nna setlhabelo sa phiso – a a tlise se lo ka itumelelwang ka sona e bong e tonanyana e e se nang bogole, e ka nna poana gongwe phelehu gongwe phoko. Lo se ka lwa tlisa sepe se se nang le bogole; gonne ga lo kitla lo itumelelwa ka sona. Gongwe fa motho a isetsa Morena setlhabelo sa tebogo go dirafatsa maikano gongwe sa bogagagwe sa dikgomo gongwe sa difutshane, se tla itumelelwa fela, fa se se na bogole; a go se nne bogole bope mo go sona. Se se foufetseng gongwe se se robegileng gongwe se se khutlegileng gongwe se se nang le ditlhagala gongwe sekwepe gongwe ditlhoko, tseo lo se ka lwa di isetsa Morena le e seng go fisetsa Morena sengwe sa tsona mo aletareng. Mme kgomo gongwe sefutshane se se tokololo e gololegileng gongwe e e gonyetseng, o ka se dira setlhabelo sa lorato fela, mme fa e le sa maikano ga se nke se itumelelwa. Se se fagotsweng ka go pšhwetlwa gongwe go thulwa gongwe go kgaolwa gongwe go segwa lo se ka lwa se isetsa Morena; le gona lo se ka lwa dira jalo mo lefatsheng la ga lona. “ ‘Le fa di tswa mo diatleng tsa baeng, lo se ka lwa di tlhabela Modimo wa lona go nna dijo tsa ona; gonne di senyegile, di golafetse; ga lo ne lo itumelelwa ka tsona.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Fa go tsalwa namane gongwe kwanyana gongwe potsane, a e nne le mmaayo malatsi a supa, mme go tloga ka letsatsi la robedi go ya kwa pele e tla itumelelwa go ka nna setlhabelo sa molelo sa Morena. Kgomo le fa e le sefutshane lo se ka lwa di tlhaba mmogo le bana ba tsona ka letsatsi le le lengwe. E re fa lo direla Morena setlhabelo sa pako, lo mo tlhabele se lo ka itumelelwang ka sona: A se jewe ka letsatsi la teng; lo se ka lwa sadisa sepe sa sona go ya mosong. Ke nna Morena. “Tlhokomelang ditaelo tsa me, lo dire ka tsona. Ke nna Morena. Mme lo se ka lwa itshepolola leina la me le le boitshepo gore ke tle ke kaiwe yo o boitshepo mo Baiseraeleng. Ke nna Morena yo ke lo itshepisang, yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore ke nne Modimo wa lona, nna Morena.” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Dipaka tsa Meletlo ya Morena tse lo tshwanetseng go di kua go nna dikgobokano tse di boitshepo, e bong dipaka tsa meletlo ya me ke tse: Tiro a e dirwe ka malatsi a marataro, mme letsatsi la bosupa ke la Sabata la boikhutso jo bo tletseng ke la pitso e e boitshepo ya Morena. Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone. Ke la Sabata la Morena mo mafelong otlhe kwa lo nnang teng. Dipaka tsa meletlo ya Morena tsa go phuthegela kwa Felong-ga-Boitshepo tse lo tshwanetseng go di kua ka dinako tsa tsona ke tse: “ ‘Ka kgwedi ya ntlha e le 14 maitsiboa ke Tlolaganyo ya Morena. Mme ka letsatsi la 15 la kgwedi eo ke Moletlo wa Morena wa dinkgwe tse di sa bedisiwang; lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa. Ka letsatsi la ntlha go nne kgobokano e e boitshepo ya lona ya Moletlo, lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone. Lo fisetse Morena ditlhabelo malatsi a supa. Letsatsi la bosupa ke la kgobokano e e boitshepo ya Moletlo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go fitlha kwa lefatsheng le ke tla le lo nayang, mme lo roba thobo ya lona, gona lo ise ngata ya ntlha ya mabutswapele a lona kwa go moperesiti. Ene a kgadikanye ngata eo fa pele ga Morena gore lo kgatlhe Morena ka yona. Moperesiti a e kgadikanye ka letsatsi le le tlhomaganang le la Sabata. Mme ka letsatsi le lo kgadikanyang ngata eo ka lone lo direle Morena setlhabelo sa phiso sa kwana e e se nang bogole ya ngwaga o le mongwe mmogo le tshupelo ya dijo ya sona, e bong ya dikarolo tse pedi tsa some tsa efa ya bupe jo bo boleta, bo tlhakantswe le lookwane e le tshupelo ya molelo ya Morena e e nkgang monate le tshupelo ya noo ya teng ya weine ya karolo ya bone ya hina. Lo se ka lwa ja senkgwe le dipabe tsa letlhafula pele ga letsatsi leo, pele lo ise lo tlise tshupelo ya Modimo wa lona. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona mo mafelong otlhe kwa lo nnang teng. “ ‘Jaanong go tloga ka letsatsi le le tlhomaganang le Sabata le lo tlisitseng ngata ya kgadikanyo ka lone lo bale dibeke di supa tse di tletseng, go ya go fitlha letsatsing le le tlhomaganang le Sabata wa bosupa, lo bale malatsi a le 50. E be gona lo isetsang Morena tshupelo ya bupe jo bošwa. Lo tlise dinkgwe di le pedi tsa kgadikanyo, di tswa mo malapeng a lona, e nne tsa dikarolo tse pedi tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta, di besiwe di bedisitswe e le mabutswapele a Morena. Mmogo le dinkgwe tseo lo tlise dikwana di supa tse di se nang bogole tsa ngwaga o le mongwe le poana e le nngwe le diphelehu di le pedi; e nne tsa setlhabelo sa phiso sa Morena mmogo le ditshupelo tsa tsona tsa dijo le tsa noo di fisediwe Morena go nna tsa monko o o monate. Lo dire phoko e le nngwe setlhabelo sa boleo le dikwana di le pedi tsa ngwaga o le mongwe setlhabelo sa tebogo. A moperesiti a di kgadikanye mmogo le dinkgwe tsa mabutswapele go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena mmogo le dikwana tse pedi; ke tse di itshepetseng Morena go nna tsa moperesiti. Lo tlhabe mokgosi ka lone letsatsi leo wa gore lo kgobokanele kwa Felong-ga-Boitshepo ka lone; se direng tiro epe ya mosebetsi ka lone. Ke molao o o sa khutleng gotlhe kwa le nnang teng. “ ‘E re lo roba thobo ya masimo a lona, lo se ka lwa feleletsa go roba matlhakore a masimo a lona, fa lo kotula; lo se ka lwa sela maronopo a thobo ya lona, mme lo a tlogelele bahumanegi le baeng. Ke nna Morena Modimo wa lona.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o re: ‘Letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa e nne le legolo la boikhutso mo go lona la modumo wa dinaka o o kgothatsang, la go kgobokanela kwa Felong-ga-Boitshepo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone; lo isetse Morena ditlhabelo tsa molelo.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Ka kgwedi ya bosupa eo e le 10 ke letsatsi la thuanyo; lo tshwanetse go kgobokanela kwa Felong-ga-Boitshepo ka lone, le go ikokobetsa, lo isetse Morena ditlhabelo tsa molelo. Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone letsatsi leo; gonne ke letsatsi la thuanyo la go agisanya le Morena, Modimo wa lona. Mme mongwe le mongwe yo o sa ikokobetseng ka letsatsi leo o tshwanetse go nyelediwa mo morafeng wa ga gabo. Gape motho mongwe le mongwe yo o dirang tiro nngwe ka lone letsatsi leo ke tla mo isa tatlhegong, ke mo tlosa mo morafeng wa ga gabo. Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona mo mafelong otlhe kwa lo nnang teng. Ke Sabata wa boikhutso jo bo tletseng mo go lona, mme lo ikokobetse. Lo simolole ka la robongwe la kgwedi eo, go tloga maitsiboa go ya maitsiboa a kamoso, lo ikhutse ka Sabata yoo wa lona.” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o re: ‘Ka kgwedi eo ya bosupa e le 15 ke Moletlo wa Metlaagana wa Morena wa malatsi a supa. Ka letsatsi la ntlha go kgobokanelwe kwa Felong-ga-Boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone. Lo nne lo isetse Morena ditshupelo tsa molelo malatsi a supa, mme ka letsatsi la robedi lo kgobokanele kwa Felong-ga-Boitshepo, lo be lo isetse Morena ditshupelo tsa molelo; ke kgobokano ya go khutlisa Meletlo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone. “ ‘Ke tsona dipaka tsa Meletlo ya Morena tse lo tshwanetseng go di kua gore go kgobokanelwe kwa Felong-ga-Boitshepo, go be go isediwe Morena ditshupelo tsa molelo, e bong ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa dijo le ditlhabelo tse di jewang le ditshupelo tsa noo ka fa go batlegang letsatsi lengwe le lengwe ka teng. Kwa ntle ga tsona go tsisiwa tsa boSabata ba Morena le dineo tsa lona le dineo tsotlhe tsa maikano a lona le dineo tsotlhe tsa bogalona tse lo di neelang Morena. “ ‘Fela ka kgwedi ya bosupa e le 15 fa lo sena go roba thobo ya masimo, lo tshware Moletlo wa Morena malatsi a supa. Ka letsatsi la ntlha go ikhutsiwe le ka letsatsi la robedi. Ka letsatsi la ntlha lo tsee maungo a ditlhare tse dintle le dikala tsa mekolane le tsa ditlhare tse di raraanyeng le tsa megokare ya noka, lo itumele fa pele ga Morena, Modimo wa lona, malatsi a supa. Lo o dire malatsi a supa ka ngwaga e le Moletlo wa Morena; ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona; lo o tshware ka kgwedi ya bosupa. Lo nne mo metlaaganeng malatsi a supa; botlhe ba ba tsaletsweng mo Iseraele ba nne mo metlaaganeng gore ba ditshika tsa lona ba tle ba itse gore ke ne ke nnisa Baiseraele mo metlaaganeng, fa ke ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nna Morena Modimo wa lona.’ ” Mme Moše a begela Baiseraele dipaka tsa Meletlo ya Morena. Morena a ba a raya Moše a re: “Laela Baiseraele gore ba go tlisetse lookwane lo lo sa pekwang lwa diolefa tse di thugilweng gore e nne lwa setlhomo, go tle go nne lobone lo lo tukang ka gale. A Arone a lo baakanye ka fa ntle ga lesire la Letlole la Tshupo mo Tenteng ya Boipontsho gore lo tuke go tloga maitsiboa go ya mosong fa pele ga Morena ka gale. Ke molao o o nnetseng ruri wa ditshika tsa lona. A a baakanye dipone mo setlhomong sa gouta e e sa pekwang gore di tuke fa pele ga Morena ka gale. “Le gona a a tsee bupe jo bo boleta, a bese dinkgwe di le 12 tsa jona; dikarolo di le pedi tsa some tsa efa ya bupe e nne tsa senkgwe se le sengwe. A di tlhatlaganye mekoa e le mebedi, di le 6 mo mokoeng o le mongwe mo tafoleng ya gouta e e sa pekwang fa pele ga Morena. A ba a bee bupe jwa maswalo a a phepa mo dinkgweng tse di tlhatlaganyeng e le jo bo tshubelwang Morena mo boemong wa dinkgwe. A a di rulaganye jalo ka letsatsi lengwe le lengwe la Sabata fa pele ga Morena ka gale, di tswa mo Baiseraeleng, e nne tshwanelo ya kgolagano e e nnetseng ruri. E tla nna tsa ga Arone le bomorwawe; ba di je mo Felong-ga-Boitshepo; gonne ke tse di boitshepotshepo tsa gagwe, di tswa mo ditshupelong tsa molelo tsa Morena; ke tshiamelo e e sa khutleng.” Mme monna mongwe yo mmaagwe e neng e le Moiseraele, mme rraagwe e le Moegepeto, o kile a tswa mo lapeng a tsena mo gare ga Baiseraele; ene morwa mosadi wa Moiseraele a lwa le Moiseraele yo mongwe. Jaanong morwa mosadi wa Moiseraele a kgala leina la Morena, a ba a rogaka. Ke fa a isiwa kwa go Moše. Leina la ga mmaagwe e ne e le Selomithe morwadia Diberi wa lotso lwa ga Dane. Mme ba mo golega go ya ba be ba utlwe katlholo ka fa taelong ya Morena. Mme Morena a raya Moše a re: “Morogaki yo o mo ntshetse kwa ntle ga bothibelelo, mme a botlhe ba ba mo utlwileng ba mmee mabogo mo tlhogong, mme phuthego yotlhe e mo kgobotletse ka majwe. O be o ree Baiseraele o re: ‘Mongwe le mongwe yo o rogang Modimo wa gagwe o tla rwala boleo jwa gagwe. Yo o kgalang leina la Morena o tshwanetse go bolawa. A phuthego yotlhe e mo kgobotletse ka majwe. Le fa e le moeng gongwe yo o tsaletsweng mo gae, fa a kgala leina la Morena a a bolawe. “ ‘Le motho yo o bolayang motho yo mongwe o tshwanetse go bolawa. Yo o bolayang seruiwa a a se lefe ka se sengwe, botshelo bo lefiwe ka botshelo. “ ‘Mme fa motho a golafatsa mongwe-ka-ene a a direlwe jaaka a dirile: A lefele thobego ka thobego le leitlho ka leitlho le leino ka leino; a a direlwe jaaka a golafaditse motho. Yo o bolaileng seruiwa a a se lefe, mme yo o bolaileng motho a a bolawe! Molao o le mongwe o tla lo laola, moeng fela jaaka ngwana wa legae; gonne ke nna Morena Modimo wa lona.’ ” Moše a bolelela Baiseraele jalo, mme ba ntshetsa morogaki kwa ntle ga bothibelelo, ba mo kgobotletsa ka majwe. Baiseraele ba dira jaaka Morena a laetse Moše. Morena o ne a bua le Moše kwa thabeng ya Sinai a re: “Bua le Baiseraele, o ba ree o re: ‘E re lo sena go fitlha kwa lefatsheng le ke tla le lo nayang, lo latse masimo, a nne le Sabata wa Morena. O leme tshimo ya gago dinyaga di le thataro, le tshimo ya gago ya moweine o o pome dikala dinyaga di le thataro, o robe thobo ya teng. Mme ka ngwaga wa bosupa go tla nna Sabata wa boikhutso jo bo tletseng wa masimo, e nne Ngwaga-wa-Sabata wa Morena. Tshimo ya gago o se ka wa e lema le tshimo ya moweine ya gago o se ka wa o poma dikala. Matshwabudu a thobo ya gago o se ka wa a roba; maungo a moweine wa gago o o sa pongwang dikala o se ka wa a fula. A e nne ngwaga wa boikhutso wa masimo. Mme matshwabudu a Sabata wa masimo e tla nna dijo tsa lona, e bong tsa gago le tsa motlhanka wa gago le tsa lelata la gago le tsa modiredi wa gago yo o rapetsweng tuelo le tsa yo o agileng nao le tsa botlhe ba ba nang nao le tsa diruiwa tsa gago le tsa diphologolo tse di mo lefatsheng la ga lona; matshwabudu otlhe a lone e tla nna dijo. “ ‘Jaanong o bale Dinyaga-tsa-Sabata di supa, e bong dinyaga di supa gasupa, mme sebaka sa Dinyaga-tsa-Sabata di supa e tla nna dinyaga di le 49. E be gona o utlwatsang lonaka lwa mokgosi o mogolo ka kgwedi ya bosupa e le some; ka lone letsatsi la thuanyo lo utlwatse lonaka mo lefatsheng lotlhe la lona. Mme lo itshepise ngwaga wa 50, lo tlhabe mokgosi mo lefatsheng wa kgololo ya baagi botlhe ba lone. A e nne ngwaga wa tuduetso wa lona wa gore mongwe le mongwe a boelwe ke boswa jwa gagwe, a boele kwa ga gabo. Ngwaga wa 50 e tla nna ngwaga wa tuduetso wa lona. Lo se ka lwa lema le e seng go roba matshwabudu a ona le e seng go fula maungo a moweine o o sa pongwang dikala. Gonne ke ngwaga wa tuduetso, a o nne boitshepo mo go lona. Thobo ya ona lo e jele kwa masimo. Ka ngwaga oo wa tuduetso mongwe le mongwe wa lona a amogele boswa jwa gagwe gape. Jaanong fa o rekisa sengwe mo go mongwe-ka-wena, gongwe o reka sengwe mo go ene, lo se ka lwa patikana. Mme o reke mo go mongwe-ka-wena ka fa palong ya dinyaga tse di fetileng go tloga ka ngwaga wa tuduetso; le ene a rekise mo go wena ka fa palong ya dinyaga tsa dithobo go fitlha ngwageng wa tuduetso. O godise tlhwatlhwa ya teng ka fa bontsing jwa dinyaga tse di setseng; gongwe o e fokotse ka fa bobotlaneng jwa dinyaga; gonne ke palo ya dithobo tse a di rekisang mo go wena. Jaanong he, lo se ka lwa patikana, mme o boife Modimo wa gago; gonne ke nna Morena Modimo wa lona. “ ‘Ka moo he dirang ka fa melaong ya me, lo tlhokomele ditshiamelo tsa me, lo di dirafatse gore lo nne mo lefatsheng lo iketlile. Foo lefatshe le tla ntsha maungo a lone, mme lo tla ja, lo kgora, lo nna mo go lone lo iketlile. Mme fa lo ka re: Re tla ja eng ka ngwaga wa bosupa, fa re sa leme, re sa phuthe thobo ya rona? Nna ka re: Ke tla lo neela tshegofatso ya me ka ngwaga wa borataro gore lo fole thobo ya dinyaga di le tharo. Lo tla lema gape ka ngwaga wa robedi, lo ntse lo ja tsa thobo ya ngwagatlola go ya ngwageng wa robongwe; lo tla ja dijo tse dikgologolo go ya go be go tla thobo ya ona. “ ‘A lefatshe le se ka la rekisediwa ruri; gonne ke la me; lona lo baeng le bajaki fela mo go nna. “ ‘Mo lefatsheng lotlhe le e leng la lona lo dumelele thekololo ya lone. E re fa wa ga eno a humanegile, a ba a rekisa sengwe sa boswa jwa gagwe, a go tle mogolodi wa gagwe yo o gaufi nae losikeng, a rekolole se se rekisitsweng sa wa ga gabo. Mme fa motho a se na mogolodi, mme a kgona go bona madi ka esi a a lekanyeng thekololo ya sa gagwe, a go balwe dinyaga go tloga jale fa se rekisiwa, a be a busetse monna yo a se rekisitseng mo go ene madi a a lekanyeng dinyaga tse di setseng, a be a amogele boswa jwa gagwe gape. Mme fa a sa bone madi a a lekanyeng go a mmusetsa, gona se a se rekisitseng se tla nna mo seatleng sa moreki wa sona go ya ngwageng wa tuduetso. Mme ka ngwaga wa tuduetso se tla gologa, mme o tla amogela boswa jwa gagwe gape. “ ‘Mme fa motho a rekisa ntlo e e nnwang ya mo motseng o o ageletsweng ka lobota, o ka e rekolola fela, fa ngwaga o ise o fele a sena go e rekisa; ke sona sebaka sa go ka e ithekololela. Fa ngwaga o ka fela a ise a e rekolole gona ntlo e e mo motseng o o nang le lobota e tla nna ya moreki wa yona le ya ditshika tsa gagwe ka metlha. Ga e kitla e gologa le e seng ka ngwaga wa tuduetso. Mme matlo a metsana e e se nang lobota tikologong a a kaiwe jaaka masimo a naga: A ka rekololwa; le gona a tla gologa ka ngwaga wa tuduetso. Fela fa e le metse ya Balefi, e bong matlo a metse ya boswa jwa bone, ona Balefi ba ka a rekolola ka metlha yotlhe. Mme fa mongwe wa Balefi a sa rekolole ntlo e a e rekisitseng, gona e tla gologa ka ngwaga wa tuduetso, fa e le mo motseng o e leng boswa jwa gagwe; gonne matlo a metse ya Balefi ke boswa jwa bone mo Baiseraeleng. Naga ya mafulo a metse ya bone e se ka ya rekisiwa. Gonne ke boswa jwa bone jo bo sa khutleng. “ ‘Fa wa ga eno a humanega, mme letsogo la gagwe le simolola go tlhoka fa go wena, o mo thuse gore a phele nao jaaka moeng le mojaki. Fa o mo adima madi, se a tsadise, se re, a boe le kokeletso, mme o boife Modimo wa gago gore wa ga eno a phele nao. O se ka wa mo neela madi a gago gore a tsale, le e seng go mo neela dijo tsa gago gore di boe le kokeletso. Ke nna Morena Modimo wa lona yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto go lo naya lefatshe la Kanana gore ke nne Modimo wa lona. “ ‘E re fa wa ga eno a humanega fa go wena, a ba a ithekisa mo go wena, o se ka wa mo dirisa tiro ya bokgoba. A a nne nao jaaka modiri yo o rapetsweng tuelo le jaaka mojaki, a go direle jalo go ya ngwageng wa tuduetso. E be gona a gologang mo go wena, ene le bana ba gagwe nae, a boela kwa losikeng lwa gagwe, a amogela boswa jwa gagwe gape. Gonne ke batlhanka ba me ba ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto; ga ba tshwanela go rekisiwa jaaka makgoba. Wa ga eno o se ka wa mo laola ka bopeloethata, mme o boife Modimo wa gago. Fa e le lekgoba la monna le la mosadi ba o ba batlang, lo ka ba reka mo merafeng e e mo tikologong ya lona. Le gona lo ka reka bana ba bajaki ba ba nnang le lona, le fa e le ba bangwe ba losika lwa bone ba ba lo agetseng ba ba ba tsetseng mo lefatsheng la ga lona: Bone e ka nna makgoba a lona. Mme lo ka a tlogelela bana ba lona sehularong sa lona gore e nne a bone e le leruo; ona lo ka a dirisa ditiro tsa bokgoba ka metlha; fela mo go ba ga lona ba Baiseraele a go se nne ope yo o laolang wa ga gabo ka bopeloethata. “ ‘Mme fa moeng gongwe mojaki a huma fa go wena, mme wa ga eno a humanega fa go ene, a ba a ithekisa mo go moeng gongwe mo go mojaki fa go wena gongwe mo go yo mongwe wa losika lwa moeng, gona a a nne le tshiamelo ya go ka rekololwa, le fa a ithekisitse; a mongwe wa ba ga gabo a mo rekolole. Gongwe a rrangwanaagwe kampo morwa rrangwanaagwe a mo rekolole, gongwe a yo mongwe wa ba ga gabo ba madi wa losika lwa gagwe a mo rekolole, gongwe fa a ka kgona, a a ithekolole. A a bale le moreki wa gagwe go simolola ka ngwaga o a ithekisitseng mo go ene ka ona go ya ngwageng wa tuduetso; madi a go ithekisa a laolwa ke palo ya dinyaga tseo; o tla bo a ne a na nae ka sebaka seo jaaka modiri yo o rapetsweng tuelo. Fa go sa ntse go le dinyaga tse dintsi go ya ngwageng wa tuduetso a a buse madi mangwe a o rekilweng ka ona a a di tshwanetseng e le a go ithekolola. Mme fa go setse dinyaga di se kae fela go ya ngwageng wa tuduetso, a a di bale, a be a buse madi a a tshwanetseng dinyaga tseo tsa gagwe, e le a go ithekolola. Jaanong fa a tlhoka thekololo a a nne nae ka ngwaga le ngwaga jaaka yo o rapetsweng tuelo; moreki ga a tshwanela go bonwa a mo laola ka bopeloethata. Fela fa a sa rekololwe jalo, o tla gologa ka ngwaga wa tuduetso le bana ba gagwe. Gonne Baiseraele ke batlhanka ba me; ke batlhanka ba me ba ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nna Morena Modimo wa lona. “ ‘Lo se ka lwa itirela medimo ya boithamako, le e seng go itlhomela medimo ya diseto le fa e le majwe a motloutlo le e seng go dira majwe a a gwailweng ditshwantsho mo lefatsheng la ga lona go di obamela. Gonne ke nna Morena, Modimo wa lona. Tlhokomelang bo Sabata ba me, lo boife Felo-ga-Boitshepo ga me. Ke nna Morena. “ ‘Fa lo sepela ka fa melaong ya me le go tlhokomela ditaelo tsa me, lo di dirisa, gona ke tla lo nesetsa dipula ka dinako tsa tsona, mme lefatshe le tla ntsha thobo ya lone le ditlhare tsa naga di tla ungwa maungo a tsona. Lo tla photha go ya phulong ya moweine, mme phulo ya moweine e tla tsaya sebaka go ya go kopana le go lema; lo tla ja dijo tsa lona lo kgora, lo nna mo lefatsheng la ga lona lo iketlile. “ ‘Ke tla lo naya kagiso mo lefatsheng, mme lo tla robala go se na yo o lo tshosang. Dibata tse di gagolang ke tla di fedisa mo lefatsheng, mme tšhaka ga e kitla e ralala lefatshe la lona. Lo tla leleka baba ba lona, mme ba tla swa ka tšhaka fa pele ga lona. Ba le batlhano ba ga lona ba tla leleka ba le lekgolo; mme ba le lekgolo ba ga lona ba tla leleka ba dikete di le some, mme baba ba lona ba tla swa ka tšhaka fa pele ga lona. Ke tla lo ngoka, ke lo atisa, lo ntsifala, ke dirafatsa kgolagano ya me mo go lona. Lo tla ja tsa ngogola tse dikgologolo; lo ba lo di ntsha gore di sutele tse dintšhwa. Ke tla baya Taberenakele ya me mo gare ga lona, pelo ya me ga e kitla e lo nyatsa, mme ke tla sepela mo gare ga lona. Ke tla nna Modimo wa lona, lona lo nne morafe wa me. Ke nna Morena, Modimo wa lona, yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore lo se tlhole lo nna makgoba a bone, ka roba dikei tsa joko ya lona, ka lo tsamaisa lo inamologile. “ ‘Fela fa lo sa nkutlwe, lo sa dirise ditaelo tsotlhe tseo, lo latlha melao ya me, mme pelo tsa lona di nyatsa ditshiamelo tsa me, mo lo tla bong lo se ke lo dirise ditaelo tsa me tsotlhe, lo senya kgolagano ya me, gona le nna ke tla lo direla tse di ntseng jalo: Ke tla lo dirafaletsa tse di boitshegang, e bong bolwetse jwa sehuba le jwa mogote, tse di lo fifatsang matlho, tse di lo feleletsang. Peo ya lona lo tla e jwalela lefela, e tla jewa ke baba ba lona. Ke tla lo bifela, mme lo tla fenngwa ke baba ba lona; ba ba lo tlhoileng ba tla lo laola; lo tla tshaba, go se na ope yo o lo kobang. “ ‘Mme fa lo sa ntse lo gana go nkutlwa, ke tla tswelela pele, ke lo betsa gasupa ka ntlha ya maleo a lona. Ke tla roba thata ya lona e lo ikgodisang ka yona, ke dira legodimo la lona gore le nne jaaka tshipi le lefatshe la lona go nna jaaka kgotlho. Thata ya lona e tla direla lefela; lefatshe la lona ga le ne le ntsha thobo ya lone; le ditlhare tsa naga ga di ne di ungwa maungo a tsona. “ ‘Mme fa lo ntse lo fapaana le nna, lo gana go nkutlwa, ke tla lo okeletsa petso gasupa go lekana le dibe tsa lona. Ke tla lo romela dibata tsa naga gore di lo jele bana, di nyeletse diruiwa tsa lona, di lo fokotse, mme ditsela tsa lona di nne senya. “ ‘Mme fa le ka tseo lo sa impobolele, lo tswelela go sepela mo go sa utlwaneng le nna, gona le nna ke tla fapaana le lona, ke lo betsa gasupa ka ntlha ya maleo a lona. Ke tla lo romela tšhaka e e busolosetsang kgolagano. Mme le fa lo tshabela kwa metseng ya lona, ke tla lo romela leroborobo, mme lo tla neelwa mo diatleng tsa baba. E tla re ka ke lo senyetsa seiphediso sa dijo, basadi ba le some ba bese senkgwe sa lona mo sebesong se le sengwe, ba be ba se busa se ntse se le kalo; lo tla ja, mme lo sa kgore. “ ‘Mme fa le ka tseo lo sa nkutlwe, lo ntse lo fapaana le nna, gona le nna ke tla emelana le lona ka bogale, ke lo betsa gasupa ka ntlha ya dibe tsa lona. Mme lo tla ja nama ya bomorwaa-lona; le nama ya bomorwadia-lona lo tla e ja. Ke tla nyeletsa dithota tsa tlhabelo tsa lona, ke kumola majwe a a motloutlo a letsatsi a lona, ke latlhela ditoto tsa lona mo godimo ga ditoto tsa medimo e e maila ya lona, mme pelo ya me e tla lo tenegela. Metse ya lona ke tla e fetola marope, ke dira mafelo a a boitshepo a lona sekaka, ga ke ne ke dupa monko o o monate wa tse lo di mphisetsang. Ke tla fetola lefatshe la lona sekaka ka nosi, mme baba ba lona ba ba tla agang mo go lone ba tla le reregela. Mme lona ke tla lo phatlalaletsa kwa baheitaneng, ke somola tšhaka, ke lo koba ka yona, mme lefatshe la lona le tla fetoga sekaka le metse ya lona e nna matlotla fela. Foo lefatshe le tla boelwa ke boSabata ba lone ka malatsi otlhe a le leng sekaka ka ona, lona lo ntse lo le kwa lefatsheng la baba ba lona; foo lefatshe le tla ikhutsa, le boelwa ke boSabata ba lone. Le tla ikhutsa ka malatsi otlhe a le leng sekaka ka ona, ka le ne le sa ikhutse ka boSabata ba lona lo ntse lo agile mo go lone. “ ‘Fa e le masalela a lona, ke tla a gatlapisa mo mafatsheng a baba ba ona gore a lelekwe ke mokgwasa wa letlhare le le fokwang ke phefo; a tla tshaba jaaka go tshabiwa tšhaka, a ba a wa, a sa kojwa ke ope. Ba tla welana godimo jaaka e kete ba tshaba tšhaka go se na yo o ba lelekang. Ga lo kitla lo kgona go emelana le baba ba lona. Lo tla nyelelela kwa baheitaneng, mme lefatshe la baba ba lona le tla lo ja. Ba ba setseng mo go lona ba tla ngotlega ka molato wa bone kwa mafatsheng a baba ba lona, le ka melato ya borraabo ba tla nyelela nabo. “ ‘Foo ba tla ipobola molato wa bone le wa borraabo ka ntlha ya boikanyologo jwa bone jo ba nteofetseng ka jona; ba be ba ipobolele gore ba ne ba fapaanye le nna. – Ka moo le nna ka ba ngalela, ka ba isa kwa lefatsheng la baba ba bone. – Mme e tla re fa dipelo tsa bone tse di sa rupang di ikokobetsa, mme ba dumelana le petso ya molato wa bone, ke gopole kgolagano ya me le Jakobe; le gona ke gopole kgolagano ya me le Isaka le kgolagano ya me le Aborahame; le lefatshe ke tla le gopola. Mme lefatshe ba tshwanetse go le tlogela pele gore le boelwe ke boSabata ba lone le ntse le le sekaka, bone ba se teng. Mme bone ba tshwanetse go dumelana le petso ya molato wa bone, ka ba ne ba latlha ditshiamelo tsa me le ka dipelo tsa bone di ne di tenwa ke melao ya me. Mme le fa ba le kwa lefatsheng la baba ba bone le foo ga ke ba latlhe, le gona ga ba ntene, mo nka ba fetsang le go senya kgolagano ya me nabo; gonne nna ke Morena, Modimo wa bone. Mme ke tla ba gopolela kgolagano e ke e dirileng le ba bogologolo jale fa ke ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto mo matlhong a merafe gore ke nne Modimo wa bone nna Morena.’ ” Ke yona melao le ditshiamelo le dithuto tse Morena o di beileng fa gare ga gagwe le Baiseraele kwa thabeng ya Sinai ka Moše. Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Fa motho a dira maikano ka boene a go re mangmang e nne wa Morena, o ka gololwa ka fa a kaiwang ka teng. “ ‘Fa e le monna, o tla mo kaya jaana: Yo o dinyaga di le 20 go ya dinyageng di le 60 o tla mo kaya dišekele di le 50 tsa selefera, e bong dišekele tse di tletseng tsa Felo-ga-Boitshepo. “ ‘Fa e le mosadi, o mo kaye dišekele di le 30. “ ‘Fa e le wa dinyaga di le tlhano go ya dinyageng di le 20, o kaye yo motonanyana dišekele di le le yo monamagadi dišekele di le some. “ ‘Fa e le ngwana wa kgwedi go ya dinyageng di le tlhano, o kaye mosimane dišekele di le tlhano tsa selefera, mme mosetsana o mo kaye dišekele di le tharo tsa selefera. “ ‘Fa e le motho wa dinyaga di le 60 le go feta foo, monna o mo kaye dišekele di le 15, mme mosadi o mo kaye dišekele di le some. “ ‘Mme fa motho a humanegile, a palelwa ke go ntsha tlhwatlhwa ya thekololo e o e mo kaileng, a a emisiwe fa pele ga moperesiti gore moperesiti a mo kaye. Yo o ikanneng a moperesiti a mo kaye ka fa a nonofileng ka teng. “ ‘Fa e le sengwe sa diruiwa se se ka tlhabelwang Morena, gona sengwe le sengwe sa tsona se motho a se neelang Morena se tla nna boitshepo. A a se ka a tlhanoga ka sona, le e seng go ananya se se siameng ka se se sa siamang, gongwe se se sa siamang ka se se siameng. Mme fa a re o ananya seruiwa ka seruiwa, sona le se a reng o ananya ka sona di tla nna boitshepo ka bobedi jwa tsona. Mme fa e le seruiwa se se sa itshekang, se se sa tshwanelang go tlhabelwa Morena, a moikani a bee seruiwa seo fa pele ga moperesiti. A moperesiti a se atlhole gore a se siame gongwe ga se a siama. Go tla nna jaaka wena moperesiti o atlhotse. Mme fa a rata go se golola, a a oketse karolo ya botlhano godimo ga tlhwatlhwa ya sona e o e kaileng. “ ‘Fa motho a itshepisetsa Morena ntlo ya gagwe go e mo neela, a moperesiti a e sekaseke, fa e siame gongwe e sa siama; ka fa moperesiti a e kayang ka teng, go nne jalo. Jaanong fa yo o itshepisitseng ntlo ya gagwe a rata go e reka gape, a a oketse tlhwatlhwa e o e kaileng ka karolo ya botlhano ya yona; foo e tla mmoela. “ ‘Fa motho a itshepisetsa Morena tshimo nngwe ya boswa jwa gagwe, o e kaye ka fa peong e e jwalwang mo go yona. Fa peo ya garase e tlatsa homere, o e kaye dišekele di le 50 tsa selefera. Fa a itshepisa tshimo ya gagwe go tloga ka ngwaga wa tuduetso, a go nne jalo ka fa o e kaileng ka teng. Mme fa a itshepisa tshimo ya gagwe morago ga ngwaga wa tuduetso, a moperesiti a mmeele tlhwatlhwa ka fa dinyageng tse di setseng go ya ngwageng wa tuduetso, mme e o e kaileng e fokodiwe jalo. Fela fa yo o itshepisitseng tshimo a rata go e reka gape, a a oketse tlhwatlhwa e o e kaileng ka karolo ya botlhano ya yona; foo e tla mmoela. Fa a sa ithekele tshimo gape, mme a e rekisa mo monneng yo mongwe, ga e kitla e tlhola e gololwa. E re tshimo eo e gologa ka ngwaga wa tuduetso, e itshepele Morena jaaka tshimo e e hutsitsweng. E tla nna ya moperesiti e le boswa jwa gagwe. “ ‘Mme fa a itshepisetsa Morena tshimo e a e rekileng e e seng ya masimo a boswa jwa gagwe, gona a moperesiti a mmeele tlhwatlhwa e e lekanyeng go ya ngwageng wa tuduetso; a a ntshe ka lone letsatsi leo tlhwatlhwa e o e kaileng, e nne neo e e boitshepo ya Morena. Ka ngwaga wa tuduetso tshimo eo e tla boela kwa go ene yo moikani a e rekileng mo go ene yo e neng e le naga ya boswa jwa gagwe. “ ‘Tsotlhe tse o di kayang o di kaye ka šekele ya Felo-ga-Boitshepo. Šekele ke digera di le 20. Fela maitibolo a diruiwa, ka e le a Morena ka go tsalwa pele, a go se nne ope yo o a itshepisang, a e leng a kgomo gongwe a sefutshane; kana ona e ntse e le a Morena. Mme fa e le seruiwa se se sa itshekang, a a se golole ka fa o se kayang ka teng, a be a oketse karolo ya botlhano ya teng; fa se sa gololwe, a se rekisiwe ka fa o se kayang ka teng. “ ‘Fela tsotlhe tse di hutsitsweng tse motho a di hutseditseng Morena, di tswa mo go tse e leng tsa gagwe, le fa e le motho gongwe seruiwa gongwe tshimo nngwe ya boswa jwa gagwe, tsone ga di kitla di rekisiwa le e seng go gololwa. Tsotlhe tse di hutsitsweng ke tse di boitshepotshepo tsa Morena. Le fa e le motho ofe yo o hutsitsweng ga a kitla a gololwa. O tshwanetse go bolawa. “ ‘Dikarolo tsotlhe tsa lesome tsa lefatshe tsa dijwalo tsa masimo le tsa maungo a ditlhare ke tsa Morena; di itshepetse Morena. Mme fa motho a rata go golola karolo ya lesome ya gagwe, a a ntshe tlhwatlhwa ya yona, a ba a e oketse ka karolo ya botlhano. Fa e le karolo yotlhe ya lesome ya dikgomo le ya difutshane, tsotlhe tse di huhumelang ka fa tlase ga thobane ya modisa, ya lesome nngwe le nngwe e tla itshepela Morena. A go se ka ga sekasekwa fa e siame gongwe e sa siama; le gona e se ka ya ananngwa. Mme fa motho a re o e ananya, foo yona le e a reng o ananya ka yona, di tla nna boitshepo tsoo pedi; ga se tse di ka gololwang.’ ” Ke tsona ditaelo tse Morena o di laetseng Moše kwa thabeng ya Sinai gore a di laele Baiseraele. Morena o ne a bua le Moše kwa sekakeng sa Sinai a le mo Tenteng ya Boipontsho ka ngwaga wa bobedi ka la ntlha la kgwedi ya bobedi ba sena go huduga kwa lefatsheng la Egepeto, a re: “Tsayang palo ya phuthego yotlhe ya Baiseraele, ya losika longwe le longwe lwa bone, ya kgotla nngwe le nngwe ya bone, ka fa palong ya maina a banna botlhe, ka fa ditlhogong tsa bone; go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, e bong botlhe ba ba ka nnang batlhabani mo Baiseraeleng, lo ba bale ka fa mephatong ya bone, wena le Arone. Lo nne le bathusi, a go tswe monna mo lotsong longwe le longwe yo e leng tlhogo mo kgotleng ya ga gabo.” Maina a banna ba ba tla lo thusang ke a: Ke Elisure morwa Seteure, oora Rubene; le Sedumiele morwa Surišatai, oora Simeone; le Nasone morwa Aminatabe, oora Juta; le Nethanele morwa Suare, oora Isašare; le Eliabe morwa Helone, oora Sebulone; le Elisama morwa Amihute, oora Eferaime; le Gamaliele morwa Phetasure, oora Manase, boora Josefa; le Abitane morwa Giteoni, oora Benyamene; le Ahiesere morwa Amisatai, oora Dane; le Phagiele morwa Ogorane, oora Asere; le Eliasafe morwa Rehuele, oora Gate; le Ahira morwa Enane, oora Nafetale. Ke bona ba ba biditsweng mo phuthegong, e le dikgosana tsa ditso tsa borraabo, e bong ditlhogo tsa dikete tsa Iseraele. Jaanong Moše le Arone ba bitsa banna bao ba ba boletsweng ka maina; ba be ba kgobokanya phuthego yotlhe ka la ntlha la kgwedi ya bobedi, mme ba kwalwa mo lokwalong lwa matsalo ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa ditsong tsa borraabo le ka fa palong ya maina go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone ka fa ditlhogong tsa bone, jaaka Morena a laetse Moše. A ba bala jalo kwa sekakeng sa Sinai. Boora Rubene, morwa Iseraele wa ntlha, ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina le ka fa ditlhogong tsa bone, e bong banna botlhe go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Rubene ba ne ba le 46 500. Boora Simeone ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina le ka fa ditlhogong tsa bone, e bong banna botlhe go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Simeone ba ne ba le 59 300. Boora Gate ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Gate ba ne ba le 45 650. Boora Juta ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Juta ba ne ba le 74 600. Boora Isašare ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Isašare ba ne ba le 54 400. Boora Sebulone ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Sebulone ba ne ba le 57 400. Boora Josefa: Boora Eferaime ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Eferaime ba ne ba le 40 500. Le boora Manase ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Manase ba ne ba le 32 200. Boora Benyamene ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Benyamene ba ne ba le 35 400. Boora Dane ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Dane ba ne ba le 62 700. Boora Asere ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Asere ba ne ba le 41 500. Boora Nafetale ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone, ka fa palong ya maina go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa: Ba ba badilweng ba bone ba lotso lwa ga Nafetale ba ne ba le 53 400. Ke tsona dipalo tsa ba ba badilweng ke Moše le Arone le dikgosana di le 12 tsele tsa Iseraele, e bong monna a le mongwe mo kgotleng ya ga gabo. Jaanong botlhe ba ba badilweng ba Baiseraele ka fa dikgotleng tsa bone go simolola ka banna ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone, botlhe ba ba ka bololelang ntwa ba Baiseraele, fa palo e kopana ke ba le 603 550. Mme Balefi ka fa lotsong lwa borraabo ba se ka ba balwa nabo. Gonne Morena o ne a reile Moše a re: “Ke lotso lwa ga Lefi fela lo o sa tshwanelang go lo bala le e seng go kopanya palo yotlhe ya bone le ya Baiseraele. Mme o dire Balefi baokamedi ba Tempelana ya Tshupo le ba didiri tsotlhe tsa yona le ba tsotlhe tse e leng tsa yona bone ba rwale Tempelana le didiri tsotlhe tsa yona, ba e direle, ba thibelele mo tikologong ya yona. E ne e re fa Tempelana e huduga, Balefi ba e tlhomolola, le fa e thibelela, e tlhongwe ke Balefi. Mme o sele, yo o ka atamelang o tshwanetse go bolawa. A Baiseraele ba bangwe ba thibelele ka fa mephatong ya bone, mongwe le mongwe mo bothibelelong jwa ga gabo le fa sefokeng sa ga gabo. A Balefi ba thibelele mo tikologong ya Taberenakele ya Tshupo, e se re gongwe kgalefo ya Modimo ya wela phuthego ya Baiseraele. A Balefi ba tlhokomele tirelo ya Taberenakele ya Tshupo.” Baiseraele ba dira fela jaaka Morena a laetse Moše; ba dira jalo. Morena a ba a raya Moše le Arone a re: “E re fa Baiseraele ba thibelela, mongwe le mongwe a nne fa sefokeng sa ga gabo le fa ditshupong tsa kgotla ya ga gabo; a ba thibelele mo tikologong ya Tente ya Boipontsho, ba lebagane nayo. “Ba ba tla thibelelang ntlheng ya botlhabatsatsi ke ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Juta ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Bajuta ke Nasone morwa Aminatabe. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone, ke ba le 74 600. Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Isašare. Kgosana ya Baisašare ke Nethanele morwa Suare. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 54 400. Le lotso lwa ga Sebulone. Kgosana ya Basebulone ke Eliabe morwa Helone. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba gagwe ke ba le 57 400. Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Juta ke ba le 186 400 ka fa mephatong ya bone. Ba tshwanetse go bolola pele. “Ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Rubene ba nne ntlheng ya borwa ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Barubene ke Elisure morwa Seteure. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba gagwe ke ba le 46 500. Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Simeone. Kgosana ya Basimeone ke Sedumiele morwa Surišatai. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 59 300. Le lotso lwa ga Gate. Kgosana ya Bagate ke Eliasafe morwa Rehuele. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 45 650. Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Rubene ke ba le 151 450 ka fa mephatong ya bone. Ke bone ba mephato ya bobedi ba ba bololang. “Jaanong go tloge Tente ya Boipontsho le bothibelelo jwa Balefi fa gare ga mathibelelo a mangwe. Ba bolole jaaka ba thibelela, mongwe le mongwe a le mo mannong a gagwe ka fa difokeng tsa bone. “Ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Eferaime ba nne ntlheng ya bophirimatsatsi ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Baeferaime ke Elisama morwa Amihute. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 40 500. Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Manase. Kgosana ya Bamanase ke Gamaliele morwa Phetasure. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 32 200. Le lotso lwa ga Benyamene. Kgosana ya Babenyamene ke Abitane morwa Giteoni. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 35 400. Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Eferaime ke ba le 108 100 ka fa mephatong ya bone. Ke bone ba mephato ya boraro ba ba bololang. “Ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Dane ba nne ntlheng ya bokone ka fa mephatong ya bone. Kgosana ya Badane ke Ahiesere morwa Amisatai. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 62 700. Ba ba tla thibelelang go bapa nae ke lotso lwa ga Asere. Kgosana ya Baasere ke Phagiele morwa Ogorane. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 41 500. Le lotso lwa ga Nafetale. Kgosana ya Banafetale ke Ahira morwa Enane. Mophato wa gagwe, e bong ba ba badilweng ba bone ke ba le 53 400. Botlhe ba ba badilweng ba bothibelelo jwa ga Dane ke ba le 157 600. Ke bone ba bofelo ba ba bololang ka fa difokeng tsa bone. Ke bao ba ba badilweng ba Baiseraele ka fa dikgotleng tsa bone. Botlhe ba ba badilweng ba mathibelelo ka fa mephatong ya bone ke ba le 603 550.” Mme Balefi ba se ka ba balelwa mo Baiseraeleng jaaka Morena a ne a laetse Moše. Baiseraele ba dira fela jaaka Morena a laetse Moše: Ba thibelela jalo ka fa difokeng tsa bone, ba bolola jalo, mongwe le mongwe ka fa losikeng lwa gagwe fa kgotleng ya ga gabo. Boora Arone le Moše mo sebakeng se Morena o buileng le Moše kwa thabeng ya Sinai ka sona ke ba: Maina a bomorwa Arone ke a: Ke Natabe, morwawe wa ntlha le Abihu le Eleasare le Ithamare. Ke ona maina a bomorwa Arone baperesiti ba ba tloditsweng, ba tlhomiwa gore ba dire tsa boperesiti. Mme Natabe le Abihu ba ne ba swa fa pele ga Morena, ka ba ne ba tlisitse molelo o sele fa pele ga Morena kwa sekakeng sa Sinai. Ba ne ba se na bomorwa. Mme Eleasare le Ithamare ba sala ba dira tsa boperesiti, ba okametswe ke Arone rraabo. Morena o ne a bua le Moše a re: “Atametsa ba lotso lwa ga Lefi, o ba bee fa pele ga Arone moperesiti gore ba mo direle, ba tlhokomele tsa tirelo ya gagwe le ya phuthego yotlhe fa pele ga Tente ya Boipontsho, ba dire tsa tirelo ya Taberenakele. Ba tlhokomele didiri tsotlhe tsa Tente ya Boipontsho le tsa tirelo ya Baiseraele go dira tsa tirelo ya Taberenakele. Balefi o ba neele Arone le bomorwawe; o ba abetswe ke Baiseraele. Mme Arone le bomorwawe o ba tlhome gore ba tlhokomele boperesiti jwa bone. Fa o sele a ka atamela boperesiting, a a bolawe.” Morena a ba a raya Moše a re: “Bona, nna ka nosi ke tsere Balefi, ka ba ntsha mo Baiseraeleng mo boemong jwa maitibolo otlhe a a tsalwang pele ke Baiseraele gore Balefi e nne ba me. Gonne maitibolo otlhe ke a me; ka letsatsi le ke bolaileng maitibolo otlhe kwa lefatsheng la Egepeto ka lone ke iitshepiseditse maitibolo otlhe mo Iseraeleng a batho le a diruiwa gore e nne a me, nna Morena.” Morena a ba a raya Moše kwa sekakeng sa Sinai a re: “Bala Balefi ka fa dikgotleng tsa bone le ka fa ditshikeng tsa bone; ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone o ba bale.” Moše a ba bala ka fa taelong ya Morena, jaaka a laetswe. Bomorwa Lefi ka maina a bone e ne e le Geresone le Kahathe le Merari. Maina a bomorwa Geresone ka fa ditshikeng tsa bone ke Lebeni le Simei. Bomorwa Kahathe ka fa ditshikeng tsa bone ke Amerame le Isehare le Heberone le Usiele. Bomorwa Merari ka fa ditshikeng tsa bone ka Magedi le Muši. Ke tsona ditshika tsa ga Lefi ka fa dikgotleng tsa bone. Boora Geresone ke losika lwa Balebeni le losika lwa Basimei. Ke tsona ditshika tsa Bageresone. Ba ba badilweng ba bone ka fa palong ya ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone, fa palo e kopana, ke ba le 7 500. A ba ditshika tsa Bageresone ba thibelele ka fa morago ga Taberenakele ntlheng ya bophirimatsatsi. Kgosana ya kgotla ya Bageresone ke Eliasafe morwa Laele. Tshwanelo ya boora Geresone kwa Tenteng ya Boipontsho ke go tlhokomela Taberenakele le tente le thulelo le sebipo sa mojako wa Tente ya Boipontsho le masela a a lepeletseng a logora lwa lelapa le sebipo sa kgoro ya lelapa le le mo tikologong ya Taberenakele le aletare le megala ya lone le tiro yotlhe ya teng. Boora Kahathe ke losika lwa Baamerame le losika lwa Baisehare le losika lwa Baheberone le losika lwa Bausiele. Ke tsona ditshika tsa Bakahathe. Ba ba badilweng ba bone ka fa palong ya ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone ke ba le 8 600. Ba tlhokomela tirelo ya Felo-ga-Boitshepo. A ba ditshika tsa Bakahathe ba thibelele ka fa lotlhakoreng lwa borwa lwa Taberenakele. Kgosana ya kgotla ya ditshika tsa Bakahathe ke Elisafane morwa Usiele. Tshwanelo ya bone ke go tlhokomela Letlole le tafole le setlhomo le dialetare le didiri tsa Felo-ga-Boitshepo tse ba direlang ka tsona le lesire la Felo-ga-Boitshepotshepo le tiro yotlhe ya teng. Tlhogo ya dikgosana tsa Balefi ke Eleasare morwa Arone, moperesiti; ke ene mookamedi wa ba ba tlhokomelang tirelo ya Felo-ga-Boitshepo. Boora Merari ke losika lwa Bamagedi le losika lwa Bamuši. Ke tsona ditshika tsa Bamerari. Ba ba badilweng ba bone ka fa palong ya ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone ke ba le 6 200. Kgosana ya kgotla ya ditshika tsa Bamerari ke Suriele morwa Abigaile; a ba thibelele ka fa lotlhakoreng lwa bokone lwa Taberenakele. Boora Merari ba ne ba laetswe go tlhokomela dipati tsa Taberenakele le mephakarego ya yona le maotwana a yona le ditlhako tsa yona le didiri tsotlhe tsa teng le tiro yotlhe ya teng le maotwana a lelapa tikologong le ditlhako tsa ona le dimapo tsa ona le megala ya ona. Ba ba thibelelang fa pele ga Tente ya Boipontsho ntlheng ya botlhabatsatsi ke Moše le Arone le bomorwawe ba ba tlhokomelang tirelo ya Felo-ga-Boitshepo, e bong tirelo e e tshwanetseng Baiseraele. Mme fa o sele a atamela a a bolawe. Botlhe ba ba badilweng ba Balefi ba ba badilweng ke Moše le Arone ka fa taelong ya Morena, ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone ke ba le 22 000. Mme Morena a raya Moše a re: “Bala ba batonanyana botlhe ba e leng batsalwapele ba Baiseraele go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone, o tsee palo ya maina a bone. Mme nna Morena o ntseele Balefi mo boemong jwa bomorwa Baiseraele botlhe ba ba tsetsweng pele le diruiwa tsa Balefi mo boemong jwa maitibolo otlhe a diruiwa tsa Baiseraele.” Ke fa Moše a bala bomorwa Baiseraele botlhe ba ba tsetsweng pele jaaka Morena a mo laetse. Jaanong ba batonanyana botlhe ba ba tsetsweng pele ka fa palong ya maina go simolola ka ba kgwedi e le nngwe le bomogoloa-bone, ka fa ba badilweng ka teng ba ne ba le 22 273. Morena a ba a raya Moše a re: “Tsaya Balefi mo boemong jwa bomorwa Baiseraele botlhe ba ba tsetsweng pele le diruiwa tsa Balefi mo boemong jwa diruiwa tsa bone gore Balefi e nne ba me; ke nna Morena. Fa e le tlhwatlhwa ya kgololo ya ba le 273 ba batsalwapele ba Baiseraele ba ba fetang palo ya Balefi, o tsee dišekele di le tlhano boemong jwa tlhogo ya motho, o tsee dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo: šekele ke digera di le 20. Mme madi ao o a nee Arone le bomorwawe e le a kgololo ya ba ba fetileng palo ya Balefi mo go bone.” Ke fa Moše a tsaya madi a kgololo mo go ba ba fetang palo ya ba ba golotsweng ke Balefi ka go ba emela. A tsaya madi a dišekele di le 1 365 tsa Felo-ga-Boitshepo mo go bomorwa Baiseraele ba ba tsetsweng pele. Mme madi ao a kgololo Moše a a naya Arone le bomorwawe ka fa Morena a mo laetseng ka teng. Morena a ba a raya Moše le Arone a re: “Tsaya palo yotlhe ya boora Kahathe mo gare ga Balefi ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba ka tsenang mo tirong go e dira kwa Tenteng ya Boipontsho. Tiro ya Bakahathe kwa Tenteng ya Boipontsho ke e: Ke go tlhokomela tse di boitshepotshepo. “E ne e re bothibelelo bo kuologa, Arone le bomorwawe ba tsena, ba folosa lesire le le sirang, ba bipa Letlole la Tshupo ka lone. Ba be ba bee kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle mo go lone, ba be ba ale lesela le lebududu gotlhe mo godimo, ba be ba somele disikari tsa lone. “Ba be ba ale lesela le lebududu mo tafoleng ya dinkgwe tsa tshupo; mo godimo ga lone ba bee megotšwana le dijana le dinkgwana le dinwelo tsa tshupelo ya noo, mme dinkgwe tsa tshupo tsa ka gale di nne mo go yona. Mo godimo ga tseo ba ale lesela la bohibidu jwa madi; lone ba le khurumetse ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba somele disikari tsa yona. “Ba be ba tsee lesela le lebududu, ba phuthele setlhomo sa go bonesa ka lone le dipone tsa sona le dipomo tsa sona le dipomelo tsa sona le dilwana tsotlhe tsa lookwane lwa sona tse ba se direlang ka tsona. Ba be ba se phuthele ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle mmogo le dilwana tsotlhe tsa sone, ba be ba se bee mo setsholong. “Le gona ba ale lesela le lebududu mo aletareng ya gouta, ba e khurumetse ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba somele disikari tsa yona. Ba be ba tsee didiri tsotlhe tsa tirelo tse ba direlang ka tsona mo Felong-ga-Boitshepo, ba di phuthele ka lesela le lebududu, ba di phuthele ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba di bee mo setsholong. Ba be ba olole molora mo aletareng, ba ale lesela la bohibidu jwa bofifadu mo go yona. Ba be ba bee didiri tsotlhe tsa yona mo go lone tse ba direlang ka tsona mo go yona, e bong diolola-molora le diroophata le digopa-molora le megopo e e kgatshetsang le didiri tsotlhe tsa aletare, ba di khurumetse ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba somele disikari tsa yona. Mme e ne e re Arone le bomorwawe ba sena go phuthela dilo tsa Felo-ga-Boitshepo le didiri tsotlhe tsa Felo-ga-Boitshepo, fa bothibelelo bo kuologa, boora Kahathe ba tsena morago ga moo go di rwala, mme ba se ka ba ama dilo tsa Felo-ga-Boitshepo, e se re gongwe ba swa. Dilo tseo tsa Tente ya Boipontsho di tshwanetse go rwalwa ke boora Kahathe fela. “Mme Eleasare morwa moperesiti Arone o laetswe go tlhokomela lookwane lwa setlhomo sa dipone le maswalo a a nkgang monate le tshupelo ya dijo ya ka gale le lookwane lwa tlotso le go okamela Taberenakele yotlhe le tsotlhe tse di mo go yona, e bong Felo-ga-Boitshepo le dilo tsotlhe tsa teng.” Morena a ba a raya Moše le Arone a re: “Tlhokomelang gore lotso lwa ditshika tsa boora Kahathe lo se ka lwa nyelediwa mo Balefing. Lo ba direle jaana gore ba phele, mme ba se ka ba swa, fa ba atamela dilo tsa Felo fa go Boitshepotshepo: A Arone le bomorwawe ba tsene, ba kaele mongwe le mongwe wa bone tiro ya gagwe le morwalo wa gagwe. Fela ba se ka ba tsena go bona dilo tsa Felo-ga-Boitshepo le fa e le ka ponyo ya leitlho fela, e se re gongwe ba swa.” Morena a ba a raya Moše a re: “O tsee le palo yotlhe ya boora Geresone ka fa dikgotleng tsa bone le ka fa ditshikeng tsa bone; o ba bale go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena tirong gore ba dire kwa Tenteng ya Boipontsho. Tiro ya ditshika tsa Bageresone ya go dira le go rwala ke e: A ba rwale masela a a lepeletseng a Taberenakele le Tente ya Boipontsho, e bong thulelo ya lesela le ya kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle e e mo godimo ga lone le sebipo sa mojako wa Tente ya Boipontsho le masela a a lepeletseng a logora lwa lelapa le sebipo sa mojako wa kgoro ya lelapa le le mo tikologong ya Taberenakele le aletare le megala ya ona le didiri tsotlhe tse di dirisiwang teng; tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa teng ba di dire. Tiro yotlhe ya Bageresone, tsotlhe tse ba di rwalang le tsotlhe tse ba di dirang a di dirwe ka fa taelong ya ga Arone le bomorwawe. Lo ba kaele merwalo yotlhe ya bone ka tlhokomelo. Ke yona tiro ya ditshika tsa boora Geresone kwa Tenteng ya Boipontsho, mme tse ba di dirang di okamelwe ke Ithamare, morwa moperesiti Arone. “Le boora Merari o ba bale ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone. O ba bale go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena tirong go dira kwa Tenteng ya Boipontsho. Tse ba tshwanetseng go di rwala ka tlhokomelo ka fa tirong yotlhe ya bone kwa Tenteng ya Boipontsho ke tse: Ke dipati tsa Taberenakele le mephakarego ya yona le maotwana a yona le ditlhako tsa yona le maotwana a logora lwa lelapa tikologong le ditlhako tsa ona le dimapo tsa ona le megala ya ona le didiri tsotlhe tsa ona le tiro yotlhe ya teng. Lo ba kaele dilo tse ba tshwanetseng go di rwala ka maina. Ke yona tiro ya ditshika tsa boora Merari, ke gona gotlhe mo ba tshwanetseng go go dira kwa Tenteng ya Boipontsho, ba okametswe ke Ithamare morwa moperesiti Arone.” Mme Moše le Arone le bagogi ba phuthego ba bala boora Kahathe ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena tirong go dira kwa Tenteng ya Boipontsho. Ba ba badilweng ba bone ka fa ditshikeng tsa bone ba ne ba le 2 750. Ke bone ba ba badilweng ba ditshika tsa Bakahathe, e bong botlhe ba ba dirang kwa Tenteng ya Boipontsho ba ba badilweng ke Moše le Arone ka fa Moše a laetsweng ke Morena ka teng. Le Bageresone ba balwa ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena mo tirong go dira kwa Tenteng ya Boipontsho. Ba ba badilweng ba bone ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone ba ne ba le 2 630. Ke bona ba ba badilweng ba ditshika tsa Bageresone, e bong botlhe ba ba dirang kwa Tenteng ya Boipontsho ba Moše le Arone ba ba badileng ka fa taelong ya Morena. Le ba ditshika tsa Bamerari ba balwa ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena mo tirelong, e bong mo tirong kwa Tenteng ya Boipontsho. Ba ba badilweng ba bone ka fa ditshikeng tsa bone ba ne ba le 3 200. Ke bone ba ba badilweng ba ditshika tsa Bamerari ba Moše le Arone ba ba badileng ka fa Morena a laetseng Moše ka teng. Balefi botlhe ba ba badilweng, ba Moše le Arone le dikgosana tsa Baiseraele ba ba badileng ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena go dira ditiro tsa tirelo le tsa go rwala kwa Tenteng ya Boipontsho; ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 8 580. Mongwe le mongwe a kaelwa tiro ya gagwe le morwalo wa gagwe ka fa Morena a laetseng Moše ka teng; ba balwa jaaka Morena a laetse Moše. Morena a ba a raya Moše a re: “Laela Baiseraele gore ba ntshe balepero botlhe mo bothibelelong le botlhe ba ba tshologang madi a bolwetse le botlhe ba ba itshekologileng ka moswi. Le fa e le banna gongwe basadi, lo ba ntshe; lo ba ntshetse kwa ntle ga bothibelelo gore ba se ka ba itshekolola bothibelelo jwa bone kwa ke agileng teng mo gare ga lona.” Baiseraele ba dira jalo, ba ba ntshetsa kwa ntle ga bothibelelo. Baiseraele ba dira jaaka Morena a boleletse Moše. Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o re: ‘Fa monna gongwe mosadi a dirile sebe sengwe se se tleng se dirwe ke batho ka go leofela Morena ka boikanyologo, motho yoo o na le molato; a ba ipobole dibe tsa bone tse ba di dirileng, mme yo o sentseng a lefe molato wa gagwe ka botlalo, a be a oketse karolo ya botlhano ya ona, a nee ene yo a mo senyeditseng. Mme fa a se na wa ga gabo yo o ka lefiwang molato oo, gona a tefa eo e lefelwe Morena, e neelwe moperesiti, kwa ntle ga phelehu ya thuanyo e moperesiti o tla mmatlelang boitshwarelo ka yona. Le seabe sengwe le sengwe sa dineo tsotlhe tse di boitshepo tsa Baiseraele tse ba di isetsang moperesiti a e nne sa gagwe. Le dineo tse di boitshepo tsa mongwe le mongwe e tla nna tsa gagwe; se motho a se abelang moperesiti a e nne sa gagwe.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Fa mosadi wa monna mongwe a fapoga, a mo leofela ka boikanyologo, mme monna yo mongwe a kopana nae ka mmele, mme go fitlhegela matlho a monna wa gagwe, mme mosadi a sa lemogiwe, le fa mosadi a iitshekolotse tota, mme go se na mosupi yo o ka mo supang, a sa tshwarwa, jaanong fa monna a tsenwa ke mowa wa lefufa, a fufegela mosadi wa gagwe, ka mosadi a iitshekolotse, gongwe a tsenwa ke mowa wa pelaelo, a belaelela mosadi wa gagwe, le fa mosadi a sa iitshekolola: Gona a monna a ise mosadi wa gagwe kwa go moperesiti, a be a ise neo ya tshupelo ya mosadi e e batlegang ka ntlha ya gagwe, e bong karolo ya lesome ya efa ya bupe jwa garase; a se ka a tshela lookwane mo go jona, le e seng go baya tsa maswalo mo go jona; gonne ke tshupelo ya dijo ya lefufa, ke tshupelo ya go gakolola e e gopotsang Modimo molato. “ ‘Mme moperesiti a atametse mosadi, a mo emise fa pele ga Morena. Moperesiti a be a ge metsi a a boitshepo ka sejana sa letsopa, a be a tabole lerole le le fa fatshe mo Taberenakeleng, a le tsenye mo metsing. Jaanong moperesiti a emise mosadi fa pele ga Morena, a bofolele moriri wa tlhogo wa mosadi, a bee tshupelo ya kgopotso e e leng tshupelo ya lefufa mo diatleng tsa gagwe, moperesiti a ntse a tshotse metsi a a tlholelang motho botlhoko. Moperesiti a be a ikanele mosadi, a mo ree a re: Fa monna yo mongwe a sa lala nao, o sa fapoga ka itshekologo ka go thelelela monna wa gago, gona metsi a a tlholelang motho botlhoko ga a kitla a go direla petso. Mme fa o fapogile ka boaka o ntse o le fa tlase ga monna wa gago; fa o iitshekolotse, mme monna yo mongwe a ikopanya nao kwa ntle ga monna wa gago – gona a moperesiti a ikanele mosadi ka ikano ya khutso, a ree mosadi a re: Foo a Morena a go dire yo o hutsitsweng, yo o tlholetsweng botlhoko mo morafeng wa ga eno; Morena a dire gore letheka la gago le tlhorege le mpa ya gago e buduloge. A metsi a a tlholang botlhoko a tsene mo matennye a gago go go budulosa mpa le go go tlhorisa letheka. Mme mosadi a a re: A go nne jalo! A go nne jalo! “ ‘Moperesiti a be a kwale dikhutso tseo mo pampiring, a be a di phimolele mo metsing a a tlholang botlhoko. A be a nose mosadi metsi a a tlholelang motho botlhoko gore metsi ao a tsene mo go ene go dira botlhoko jo bo galakang. Jaanong moperesiti a tsee tshupelo ya lefufa mo seatleng sa mosadi, a e kgadikanye fa pele ga Morena, a be a e bee mo aletareng. A moperesiti a tabole bupe jwa tshupelo bo tletse seatla e le jo bo fisiwang, a bo tshubele mo aletareng. Morago ga moo a nose mosadi metsi ale. Jaanong e tla re fa a sena go mo nosa metsi, fa mosadi a iitshekolotse a diretse monna wa gagwe ka boikanyologo, gona metsi a a tlholang botlhoko a tla tsena mo go ene go dira botlhoko jo bo galakang, mme mpa ya gagwe e tla buduloga le letheka la gagwe le tla tlhorega, mme mosadi yoo o tla nna sekao sa thogako mo morafeng wa ga gabo. Fela fa mosadi a sa iitshekolola a le phepa, ga a kitla a bona petso, mme o tla fiwa bana. “ ‘Ke ona molao wa lefufa, fa mosadi a fapoga ka boaka a ntse a le fa tlase ga monna wa gagwe, a iitshekolola; gongwe fa monna a tsenwa ke mowa wa lefufa, a fufegela mosadi wa gagwe. Foo a a emise mosadi jalo fa pele ga Morena, mme moperesiti a direle mosadi ka fa molaong otlhe o. Monna ene o tla bo a se na molato, mme mosadi o tla rwala molato wa gagwe.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Fa monna gongwe mosadi a ikana maikano a moikiledi ka boene a go ikilela Morena, gona a a itime weine le dino tse di tlhapelang, a se ka a nwa aseine ya weine le aseine ya motatswa, le e seng go nwa matute a moweine; le gona a se ka a ja maungo a mašwa a moweine le e seng maswabi a ona. Ka malatsi otlhe a ikilelo ya gagwe a se ka a ja sepe se se dirwang ka maungo a moweine le e seng dithapo, le fa e le matlape a ona. “ ‘Ka malatsi otlhe a maikano a ikilelo ya gagwe go se ka ga tla logare mo tlhogong ya gagwe. A a nne boitshepo go tsamaya malatsi a fele a o ikileletseng Morena ka ona. A a lese moriri wa gagwe o gole fela. Ka malatsi otlhe a go ineela Morena ka boikilelo a se ka a atamela setoto sa moswi. Le fa go sule rraagwe gongwe mmaagwe gongwe morwa-rraagwe gongwe kgaitsadie, a se ka a iitshekolola ka bone; gonne itshepelo ya Modimo wa gagwe e mo tlhogong ya gagwe. O itshepetse Morena ka malatsi otlhe a boikilelo jwa gagwe. “ ‘Mme fa motho a swela fa go ene ka tshoganyetso, mme a itshekolola tlhogo ya itshepelo ya gagwe, foo a a ipeole tlhogo ka letsatsi le a itshekang gape ka lone, e bong ka letsatsi la bosupa. Mme ka letsatsi la robedi a ise maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi kwa go moperesiti kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho. Lengwe a moperesiti a le dire setlhabelo sa boleo, le lengwe a le dire setlhabelo sa phiso, a mo direle thuanyo, ka a tsenywe ke sefifi ka ntlha ya moswi. A be a itshepise tlhogo ya gagwe gape ka letsatsi leo, a ineele Morena sešwa ka boikilelo malatsing a itshepelo ya gagwe, a be a tlise kwana e tonanyana ya ngwaga o le mongwe go nna setlhabelo sa molato. Mme malatsi a pele a se ka a balwa, gonne o itshekologile mo itshepelong ya gagwe. “ ‘Molao wa moikiledi wa Modimo ke o: Ka letsatsi le malatsi a itshepelo ya gagwe a felang ka lone a a tle kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho. A isetse Morena neo ya tlhabelo ya gagwe, e bong kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe e e se nang bogole ya setlhabelo sa phiso le kwana e le nngwe e namagadi ya ngwaga o le mongwe e e se nang bogole ya setlhabelo sa boleo le phelehu e le nngwe e e se nang bogole ya setlhabelo sa tebogo le seroto sa dinkgwe tse di sa bedisiwang tsa bupe jo bo boleta, e bong dikuku tse di budilweng ka lookwane le dinkgwana tse dipapetla tse di sa bedisiwang tse di tshasitsweng lookwane le ditshupelo tsa dijo le tsa dino tsa teng. “ ‘Jaanong a moperesiti a di tlise fa pele ga Morena, a mo direle setlhabelo sa boleo le setlhabelo sa phiso. Mme phelehu a e direle Morena setlhabelo sa tebogo mmogo le seroto sa dinkgwe tse di sa bedisiwang. Le gona moperesiti a mo direle tshupelo ya dijo le tshupelo ya dino. Jaanong a moikiledi a ipeole tlhogo ya itshepelo ya gagwe kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, a be a tsee moriri wa tlhogo ya itshepelo ya gagwe, a o latlhele mo molelong o o fa tlase ga setlhabelo sa tebogo. “ ‘Gape a moperesiti a tsee letsogo le le apeilweng la phelehu le kuku e le nngwe e e sa bedisiwang mo serotong le senkgwana se sepapetla se se sa bedisiwang se le sengwe, a di bee mo diatleng tsa moikiledi, a sena go ipeola tlhogo ya itshepelo ya gagwe, mme moperesiti a di kgadikanye go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena; ke tse di boitshepo tsa moperesiti mmogo le sehuba sa kgadikanyo le serope sa seabe. Morago ga moo moikiledi o ka nwa weine. “ ‘Ke ona molao wa moikiledi yo o ikanetseng Morena neo ya tlhabelo ya gagwe ka ntlha ya itshepelo ya gagwe kwa ntle ga tse dingwe tse a ka kgonang go di tlisa. A a dire ka fa maikanong a gagwe a o a ikanneng ka fa molaong wa itshepelo ya gagwe.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Raya Arone le bomorwawe o re: ‘Tshegofatsang Baiseraele jaana ka go ba raya lo re: “ ‘A Morena a go tshegofatse, a go boloke; a Morena a go phatsimisetse sefatlhego sa gagwe, a go itshwarele; a Morena a go tsholeletse sefatlhego sa gagwe, a go nee kagiso!’ “A ba bee leina la me jalo mo Baiseraeleng, mme nna ke tla ba tshegofatsa.” E rile ka letsatsi fa Moše a sena go tlhoma Taberenakele le go e tlotsa le go e itshepisa le didiri tsotlhe tsa yona le go fetsa aletare le didiri tsotlhe tsa yona le go di tlotsa le go di itshepisa, dikgosana tsa Iseraele, e bong ditlhogo tsa dikgotla tsa bone, tsa tlisa dineo – kana ke bone bagogi ba ditso ba ba okametseng ba ba badilweng – ba tlisa neo ya tshupelo ya bone fa pele ga Morena, e bong dikoloi di le thataro tsa mankhurumetswane le dikgomo di le 12. Bagogi ba le babedi ba ntshitse koloi e le nngwe, mogogi mongwe le mongwe a ntshitse kgomo. Ba di tsisa fa pele ga Taberenakele. Jaanong Morena a raya Moše a re: “Di amogele mo go bone gore e nne tsa go dira tiro ya Tente ya Boipontsho, o di neele Balefi, mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe.” Ke fa Moše a tsaya dikoloi le dikgomo, a di neela Balefi. Dikoloi di le pedi le dikgomo di le nne a di neela boora Geresone ka fa tirong ya bone. Dikoloi di le nne le dikgomo tse di le robedi a di neela boora Merari ka fa tirong ya bone, ba okametswe ke Ithamare morwa moperesiti Arone. Mme boora Kahathe a se ka a ba neela sepe. Gonne ba ne ba na le go tlhokomela tsa tirelo e e boitshepo, ba na le go di sikara ka magetla. Jaanong bagogi ba tlisa dineo tsa kgakolo ya aletare ka letsatsi le e tloditsweng ka lone. Ba tlisa dineo tsa tshupelo tsa bone fa pele ga aletare. Mme Morena a raya Moše a re: “A mogogi mongwe le mongwe a tlise neo ya tshupelo ya gagwe ya kgakolo ya aletare ka letsatsi la gagwe.” Jaanong yo o neng a tsisa neo ya tshupelo ya gagwe ka letsatsi la ntlha e ne e le Nasone morwa Aminatabe wa lotso lwa ga Juta. Neo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Nasone morwa Aminatabe. Ka letsatsi la bobedi go ne ga tsisa Nethanele morwa Suare, kgosana ya lotso lwa ga Isašare. A tsisa neo ya tshupelo ya gagwe, e bong mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Nethanele morwa Suare. Ka letsatsi la boraro e ne e le kgosana ya boora Sebulone, e bong Eliabe morwa Helone. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Eliabe morwa Helone. Ka letsatsi la bone e ne e le kgosana ya boora Rubene, e bong Elisure morwa Seteure. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Elisure morwa Seteure. Ka letsatsi la botlhano e ne e le kgosana ya boora Simeone, e bong Sedumiele morwa Surišatai. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Sedumiele morwa Surišatai. Ka letsatsi la borataro e ne e le kgosana ya boora Gate, e bong Eliasafe morwa Rehuele. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Eliasafe morwa Rehuele. Ka letsatsi la bosupa e ne e le kgosana ya boora Eferaime, e bong Elisama morwa Amihute. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Elisama morwa Amihute. Ka letsatsi la robedi e ne e le kgosana ya boora Manase, e bong Gamaliele morwa Phetasure. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Gamaliele morwa Phetasure. Ka letsatsi la robongwe e ne e le kgosana ya boora Benyamene, e bong Abitane morwa Giteoni. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Abitane morwa Giteoni. Ka letsatsi la some e ne e le kgosana ya boora Dane, e bong Ahiesere morwa Amisatai. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Ahiesere morwa Amisatai. Ka letsatsi la 11 e ne e le kgosana ya boora Asere, e bong Phagiele morwa Ogorane. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Phagiele morwa Ogorane. Ka letsatsi la 12 e ne e le kgosana ya boora Nafetale, e bong Ahira morwa Enane. Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo; le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo; le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo; le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Ahira morwa Enane. Ke tsona dineo tsa kgakolo ya aletare ka letsatsi le e tloditsweng ka lone, tse di ntshitsweng ke dikgosana tsa Baiseraele, e bong megopo ya selefera e le 12 le megotšwana e e kgatshetsang ya selefera e le 12 le maiswana a gouta a le 12. Mogopo mongwe le mongwe e ne e le wa dišekele di le 130 tsa selefera le mogotšwana o o kgatshetsang mongwe le mongwe e le wa dišekele di le 70 tsa selefera. Selefera yotlhe ya dilwana tseo e ne e le dišekele di le 2 400 tsa Felo-ga-Boitshepo. Maiswana a gouta a le 12 a a tletseng maswalo, leiswana lengwe le lengwe e ne e le la dišekele di le some tsa Felo-ga-Boitshepo. Gouta yotlhe ya maiswana e ne e le dišekele di le 120. Diruiwa tsotlhe tsa setlhabelo sa phiso e ne e le dipoana di le 12 le diphelehu di le 12 le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le 12, mmogo le ditshupelo tsa dijo tsa teng le diphoko di le 12 tsa setlhabelo sa boleo. Diruiwa tsotlhe tsa setlhabelo sa tebogo e ne e le dipoana di le 24 le diphelehu di le 60 le diphoko di le 60 le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le 60. Ke tsona tse e ne ya nna dineo tsa kgakolo ya aletare, fa e sena go tlodiwa. Mme e ne ya re fa Moše a tsena mo Tenteng ya Boipontsho go bua le Morena, a utlwe lentswe la Morena le bua nae, le tswa kwa sekhurumelong sa thuanyo se se khurumelang Letlole la Tshupo fa gare ga boKerubime ba babedi; Morena a bue jalo nae. Morena a ba a bua le Moše a re: “Bua le Arone o mo ree o re: ‘Fa o tlhoma dipone, a dipone tse supa di bonegele felo fa go fa pele ga setlhomo.’ ” Arone a dira jalo, a tlhoma dipone di lebile felo fa go fa pele ga setlhomo jaaka Morena a laetse Moše. Setlhomo se ne se dirilwe jaana: E ne e le sa gouta e e batotsweng; le matshwaro a sona le dithunya tsa sone e ne e le tsa gouta e e batotsweng. Moše o ne a dirile setlhomo ka fa setshwantshong se Morena a se mmontshitseng. Morena a ba a raya Moše a re: “Tsaya Balefi mo Baiseraeleng, o ba itshekise. O ba direle jaana go ba itshekisa: Ba kgatshe ka metsi a phepafatso, mme a ba ipeole mmele otlhe ka logare, ba tlhatswe diaparo tsa bone, ba iitshekise jalo. Ba be ba tsee poana le tshupelo ya dijo ya teng ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane; o be o tsee poana ya bobedi ya setlhabelo sa boleo. O be o atametse Balefi fa pele ga Tente ya Boipontsho, o phuthe phuthego yotlhe ya Baiseraele. O be o atametse Balefi fa pele ga Morena, mme a Baiseraele ba bee diatla mo Balefing. Jaanong Arone a kgadikanye Balefi gore ba nne tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena e e tswang mo Baiseraeleng gore e nne ba ba dirang tsa tirelo ya Morena. Jaanong Balefi ba bee diatla mo ditlhogong tsa dipoana, o be o direle Morena nngwe go nna setlhabelo sa boleo le ya bobedi go nna setlhabelo sa phiso go batlela Balefi boitshwarelo. “O be o emise Balefi fa pele ga Arone le fa pele ga bomorwawe, o ba kgadikanye go nna tshupelo ya kgadikanyo ya Morena. O ntshe Balefi jalo mo Baiseraeleng gore Balefi e nne ba me. Morago ga moo Balefi ba ka tsena go direla mo Tenteng ya Boipontsho. Jaanong he, ba itshekise jalo, o ba kgadikanye go nna tshupelo ya kgadikanyo. Gonne ke ba filwe gotlhe ba tswa mo Baiseraeleng, ke ba itseetse boemong jwa botlhe ba bommaabo ba itibolang ka bone, e bong bana ba ntlha botlhe ba Baiseraele. Gonne maitibolo otlhe mo Baiseraeleng ke a me a batho le a diruiwa; ke ne ka a iitshepisetsa ka letsatsi le ke bolaileng maitibolo otlhe a lefatshe la Egepeto ka lone. Ka amogela Balefi mo boemong jwa batsalwapele botlhe mo Baiseraeleng. Jaanong Balefi ka ba neela Arone le bomorwawe go nna ba bone ba tswa mo Baiseraeleng gore ba dire tsa tirelo-Modimo ya Baiseraele kwa Tenteng ya Boipontsho le go batlela Baiseraele boitshwarelo gore go se nne petso mo Baiseraeleng, fa ba atamela Felo-ga-Boitshepo.” Ke fa Moše le Arone le phuthego yotlhe ya Baiseraele ba dira ka Balefi fela jaaka Morena a laetse Moše ka ga Balefi; Baiseraele ba dira jalo ka bone. Mme Balefi ba iitshekisa boleo, ba tlhatswa diaparo tsa bone, mme Arone a ba kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena; a ba a ba ruanya go ba itshekisa. Morago ga moo Balefi ba tsena go dira tsa tirelo ya bone kwa Tenteng ya Boipontsho, ba okametswe ke Arone le bomorwawe. Ba direla Balefi jaaka Morena a laetse Moše ka ga bone. Morena a ba a raya Moše a re: “Ke ona molao o o tshwanetseng Balefi: Go simolola ka yo o dinyaga di le 25 le yo o fetileng foo o tshwanetse go tsena tirong kwa tirelong ya Tente ya Boipontsho. Mme a e re a le dinyaga di le 50, a ikhutsisiwe mo tirelong ya Tempelana, a se tlhole a dira. A ka nna a thusa ba ga gabo kwa Tenteng ya Boipontsho ka go tlhokomela ditshwanelo, fela tiro a se ka a e dira. O dire jalo ka Balefi mabapi le ditshwanelo tsa bone.” Morena a bua le Moše kwa sekakeng sa Sinai ka ngwaga wa bobedi ba sena go huduga kwa lefatsheng la Egepeto ka kgwedi ya ntlha a re: “A Baiseraele ba dire Moletlo wa Tlolaganyo ka nako ya ona. Lo o dire ka kgwedi eno ka letsatsi la 14 maitsiboa, lo o dire ka nako ya ona ka fa melaong yotlhe ya ona le ka fa dithulaganyong tsotlhe tsa one.” Moše a ba a bolelela Baiseraele gore ba dire Tlolaganyo. Mme ba dira Tlolaganyo ka kgwedi ya ntlha e le 14 maitsiboa kwa sekakeng sa Sinai fela jaaka Morena a laetse Moše; Baiseraele ba dira jalo. Jaanong go ne go le banna ba ba itshekologileng ka setoto sa motho, mo ba neng ba palelwa ke go dira Tlolaganyo ka letsatsi leo, mme ba tla kwa go Moše le Arone ka letsatsi leo, ba ba raya ba re: “Rona re itshekologile ka setoto sa motho. Jaanong re thibelelwang go ka tlisa neo ya tshupelo ya Morena ka nako ya yona mmogo le Baiseraele?” Moše a ba araba a re: “Iketleng, ke tle ke utlwe se Morena o tla se lo laelang.” Mme Morena a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o re: ‘Mongwe le mongwe wa lona gongwe wa ditshika tsa lona, fa a itshekologile ka moswi gongwe a etetse kgakala, o ka direla Morena Tlolaganyo. A ba e dire ka kgwedi ya bobedi e le 14 maitsiboa; ba e je le dinkgwe tse di sa bedisiwang le merogo e e galakang. Ba se ka ba sadisa sepe sa yona go ya mosong; kwana ya yona ba se ka ba e roba lesapo lepe; ba e dire ka fa molaong otlhe wa Tlolaganyo. Mme fa mongwe a itshekile, a se mo leetong, mme a tlhokomologa go dira Tlolaganyo, motho yoo o tshwanetse go nyelediwa mo morafeng wa ga gabo, ka a se ka a tlisa neo ya tshupelo ya Morena ka nako ya yona; o tshwanetse go rwala boleo jwa gagwe. “ ‘Fa motho a lo falaletse, mme a rata go direla Morena Tlolaganyo, gona a a e dire ka fa molaong wa Tlolaganyo le ka fa thulaganyong ya yona. Lo tla nna le molao o le mongwe fela o o rayang moeng le yo o tsaletsweng mo lefatsheng.’ ” Ka letsatsi le Tempelana e neng ya tlhongwa ka lone leru la khurumetsa Tempelana ya Tente ya Tshupo, mme maitsiboa la bonala jaaka molelo mo godimo ga Tempelana go ya mosong. Ga nna jalo ka gale: Tempelana e ne e bipiwa ke leru motshegare, mme e nne se se bonalang jaaka molelo bosigo. E ne ya re leru le tlhatloga mo Tenteng ya Boipontsho, morago ga moo Baiseraele ba bolole, mme kwa le nnang teng Baiseraele ba thibelele gona. Baiseraele ba ne ba huduga ka fa taelong ya Morena, e bile ba thibelela ka fa taelong ya Morena; ba thibelela ka malatsi aotlhe, fa leru le ntse le le mo godimo ga Tempelana. E ne ya re fa leru le nna sebaka se seleele mo godimo ga Tempelana, Baiseraele ba tlhokomele tsamaiso eo ya Morena, ba se ke ba huduge. Nako nngwe leru le ne le nna malatsi a se kae fela mo godimo ga Tempelana; mme ba thibelele fela ka fa taelong ya Morena, ba be ba huduge ka fa taelong ya Morena. Motlha mongwe leru le ne le nna fela go tswa maitsiboeng go ya mosong; jaanong fa le tlhatloga mo mosong, ba huduge; gongwe le nna bosigo le motshegare, mme fa leru le tlhatloga, ba huduge. Gongwe le nna malatsi a le mabedi gongwe kgwedi gongwe sebaka: E ne ya re fa leru le nna sebaka mo godimo ga Tempelana, Baiseraele ba thibelele, ba se ke ba huduge; mme fa le tlhatloga, ba huduge. Ba ne ba thibelela ka fa taelong ya Morena, e bile ba huduga ka fa taelong ya Morena; ba tlhokomele tsamaiso ya Morena jaaka Morena a laetse Moše. Morena a ba a raya Moše a re: “Itirele diphala di le pedi tsa selefera, o di dire ka selefera e e batotsweng. O di dirise go bitsa phuthego le go e hudutsha mo mathibelelong. E ne e re ba di letsa, phuthego yotlhe e phuthegela kwa go wena kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho. Mme fa ba letsa e le nngwe fela, go phuthegele dikgosana kwa go wena, e bong ditlhogo tsa dikete tsa Iseraele. Mme e ne e re fa lo letsa go opa mokgosi, ba mathibelelo ba ba thibeletseng ntlheng ya botlhabatsatsi ba bolole. Fa lo letsa go tlhaba mokgosi la bobedi, go bolole ba mathibelelo a a thibeletseng ntlheng ya borwa. A go lediwe thata, fa ba na le go bolola. Fa go phuthwa phuthego, lo di letse fela, mme e seng thata. Baletsi ba diphala e nne bomorwa Arone, baperesiti; go di dirisa e nne molao o o sa khutleng wa lona le wa ditshika tsa lona. Mme e re fa lo tsena mo ntweng lo le mo lefatsheng la lona go tlhabana le mmaba yo o lo pitlaganyang, lo letse diphala thata; foo lo tla gopolwa fa pele ga Morena, Modimo wa lona, mme lo tla namolelwa mo babeng ba lona. Le ka letsatsi la boitumelo jwa lona le ka dipaka tsa Meletlo ya lona le ka malatsi a ntlha a dikgwedi tsa lona lo letse diphala, fa lo tsisa ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo. Di tla lo thusa gore lo gopolwe fa pele ga Modimo wa lona, e bong nna Morena, Modimo wa lona.” Ka ngwaga wa bobedi ka kgwedi ya bobedi e le 20 leru la nanoga mo Tempelaneng ya Tshupo. Ke fa Baiseraele ba huduga kwa sekakeng sa Sinai ka fa tatelanong ya mathibelelo a bone, mme leru la nna kwa sekakeng sa Pharane. Ba bolola la ntlha jaaka Morena a laetse Moše. Ba sefoka sa bothibelelo jwa boora Juta ba bolola pele ka fa mephatong ya bone. Mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Nasone morwa Aminatabe. Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Baisašare e ne e le Nethanele morwa Suare. Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Basebulone e ne e le Eliabe morwa Helone. Jaanong e ne ya re fa Tempelana e tlhomololwa, go bolole boora Geresone le boora Merari, ba rwele Tempelana. Go be go bolole ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Rubene ka fa mephatong ya bone, Mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Elisure morwa Seteure. Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Basimeone e ne e le Sedumiele morwa Surišatai. Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Bagate e ne e le Eliasafe morwa Rehuele. Go be go bolole boora Kahathe ba ba rweleng dilo tse di boitshepo tsa Tempelana; e ne ya re ba goroga, ba bangwe ba bo ba setse ba tlhomile Tempelana. Go be go bolole ba sefoka sa bothibelelo jwa boora Eferaime ka fa mephatong ya bone, Mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Elisama morwa Amihute. Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Bamanase e ne e le Gamaliele morwa Phetasure. Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Babenyamene e ne e le Abitane morwa Giteoni. Go be go bolole ba sefoka sa bothibelelo jwa boora Dane ka fa mephatong ya bone, e le ba bofelo mo mathibelelong otlhe. Mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Ahiesere morwa Amisatai. Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Baasere e ne e le Phagiele morwa Ogorane. Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Banafetale e ne e le Ahira morwa Enane. Ke ka fa mephato ya Baiseraele e neng e bolola ka teng. Ba ne ba huduga jalo. Mme Moše a bua le Hobabe morwa Rehuele wa Momidiane, mogwagwadiagwe, a re: “Jaanong re hudugela kwa felong fa go boletsweng ke Morena a re: ‘Ke tla go lo naya.’ Tlaya le rona, mme re tla go direla tse di molemo; gonne Morena o solofeditse Baiseraele tse di molemo.” Mme a mo fetola a re: “Ga ke rate go ya le lona, mme ke tla ya kwa lefatsheng la ga etsho, kwa go ba ga etsho.” Mme Moše a re: “Se re tlogele tlhe, ka ntlha ya gore ke wena o ka itseng kwa re ka thibelelang teng mo sekakeng. O tle o nne matlho a rona. E tla re fa o ya le rona, tse di molemo tse Morena o tla di re direlang, le wena re di go direle.” Ya re ba sena go huduga kwa thabeng ya Morena, ba sepela tsela malatsi a le mararo, mme Letlole la Kgolagano ya Morena la ba etelela pele leeto la malatsi a le mararo go ba batlela felo ga boikhutso. Leru la Morena le ne le ba okame motshegare, fa ba bolola mo bothibelelong. Mme e ne ya re Letlole le tloga, Moše a bue a re: “Nanoga, Morena gore baba ba gago ba phatlalale, le ba ba go tlhoileng ba tshabe fa pele ga gago.” E ne ya re le bewa mo Tenteng ya Boipontsho, a bue a re: “Morena, boela kwa bontsing jwa dikete tsa Baiseraele.” Mme morafe o ne o ngongoregela tlalelo mo ditsebeng tsa Morena. Ya re Morena a utlwa, a ba tukela bogale, mme molelo wa Morena wa tuka mo go bone, wa fisa bothibelelo mo dithoko. Ke fa batho ba lelela go Moše. Moše a rapela Morena. Molelo wa tima. Ba taya felo foo leina la Thabera; gonne molelo wa Morena o ne o tukile teng mo go bone. Mme batho ba e leng masele ba ba neng ba le mo go bone, ba ineela mo dikeletsong. Le Baiseraele ba lela gape ba re: “Ke mang yo o tla re jesang nama? Re gopola ditlhapi tse re neng re di ja fela kwa Egepeto, le diphare le magapu le dipepere le dikwii le dikonofole. Mme jaanong mewa ya rona e ngoseletse. Ga go na sepe. Matlho a rona a lebile Mmana fela.” Jaanong Mmana o ne o tshwana le kungwa ya moretlhwa, ponalo ya ona e tshwana le boroku. Batho ba ne ba tsamayatsamaya ba o sela, ba o sila ka lelwala, gongwe ba o setla mo dikikeng, ba o apaya mo dipitseng, ba be ba dira dinkgwe ka ona; moutlwalo wa ona o ne o tshwana le wa dikuku tsa lookwane. E ne ya re monyo o wela mo bothibelelong bosigo, Mmana o wele mo go jona. Jaanong ya re Moše a utlwa batho ba lela ka fa ditshikeng tsa bone, mongwe le mongwe kwa mojakong wa tente ya gagwe, Morena a tuka bogale thata, mme ga sulafalela Moše. Ke fa Moše a raya Morena a re: “O tlhokofaletsang motlhanka wa gago? Ke eng fa ke sa bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago, mo o nthwesitseng morwalo ka morafe otlhe o? A ke nna ke imileng morafe otlhe o? Kampo a ke nna ke o tsetseng, fa o nthaya o re, ke ba belege, ke be ke ba amuse jaaka mmelegi a belege lesea, ke ba ise kwa nageng e o e ikanetseng borraabo. Ke tla tsaya nama kae e nka e nayang morafe otlhe o? Gonne ba lelela go nna ba re: ‘Re fe nama gore re je.’ Ga ke kgone go belega morafe otlhe o ke le nosi, gonne o a mpalela. Fa o rata go dira jalo ka nna, mpolae bogolo, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago gore ke se tlhole ke bona pogisego ya me.” Ke fa Morena a raya Moše a re: “Mphuthele banna ba le 70 mo batsofeng ba Iseraele, ba o ba itseng, fa e le bagolo ba morafe le baokamedi ba ona, o ba biletse kwa Tenteng ya Boipontsho, ba eme gona nao. Ke tla fologa, ke bua nao teng, ke tsaya mowa o o tshwanang le o o mo go wena, ke o baya mo go bone gore ba go rwadise morwalo wa morafe o, mme o se o rwale o le wesi fela. Mme morafe ò o ree o re: ‘Iitshepisetseng kamoso, foo lo tla ja nama; gonne lo ledile mo ditsebeng tsa Morena lwa re: Ke mang yo o tla re jesang nama? Gonne re ne re phela monate kwa Egepeto. Ka moo Morena o tla lo naya nama gore lo je. Ga lo ne lo ja letsatsi le le lengwe fela le e seng malatsi a le mabedi le e seng a le matlhano le e seng a le some le some le e seng a le 20, mme lo tla ja kgwedi yotlhe go tsamaya e be e lo tlapele, e lo tene. Ka gonne lo latlhile Morena yo o mo gare ga lona, lwa lela fa pele ga gagwe lwa re: Re ne re hudugelang kwa Egepeto?’ ” Moše a fetola a re: “Ke batho ba le 600 000 ba dinao ba ke nang nabo, mme wena o a re, o tla ba naya nama gore ba je kgwedi yotlhe! A ba tla tlhabelwa difutshane le dikgomo gore go ba lekane? Kampo ba tla tshwarelwa ditlhapi tsotlhe tsa lewatle gore di ba lekane?” Mme Morena a raya Moše a re: “A letsogo la Morena le a tlhaela? Jaanong o tla bona, fa lefoko la me le go dirafalela gongwe nnyaya.” Ke fa Moše a tswela kwa ntle a bolelela morafe mafoko a Morena, a phutha banna ba le 70 mo batsofeng ba morafe, a ba emisa mo tikologong ya Tente. Ya baa gona Morena a fologang a le mo lerung a bua nae, a ba a tsaya mowa o o tshwanang le o o mo go ene, a o baya mo banna-bagolong ba le 70. Jaanong ya re ba sena go tsenwa ke Mowa, ba bua jaaka baporofeti, mme ba se ka ba dira gape. Mme banna bagolo ba le babedi ba ne ba setse kwa bothibelelong, leina la mongwe e ne e le Eletate, la yo mongwe e le Metate. Le bone ba tsenwa ke Mowa. Gonne ba ne ba kwadilwe mmogo, mme ba se ka ba tswela kwa Tenteng. Ba ne ba bua jaaka baporofeti mo bothibelelong. Ke fa mosimane a taboga a begela Moše a re: “Eletate le Metate ba bua jaaka baporofeti mo bothibelelong.” Jaanong Jošua morwa Nune, modiredi wa ga Moše go tloga bokaung jwa gagwe, a simolola go bua a re: “Mong wa me, Moše, ba thibele!” Mme Moše a mo raya a re: “A o ntwela ka lefufa? E kete morafe otlhe wa Morena e ka bo e le baporofeti, Morena a bo a tsentse Mowa wa gagwe mo go bone!” Moše a ba a boela kwa bothibelelong, a na le bagolo ba Iseraele. Jaanong ga tswa phefo kwa Moreneng, ya tlisa maphurrwana a tswa ntlheng ya lewatle, ya a gasetsa mo bothibelelong, a tlala ntlheng tsotlhe tsa bothibelelo mo go kana ka leeto la letsatsi mo ntlheng eno le mo go kana ka leeto la letsatsi ntlheng ele, a fofa mabogo a le mabedi godimo ga lefatshe. Jaanong batho ba nanoga ba phutha maphurrwana letsatsi lotlhe leo le bosigo jotlhe le letsatsi lotlhe la kamoso. Yo go neng go twe: Ga a a phutha sepe, o ne a phuthile dihomere di le 10. Mme ba a ikanegela mo tikologong ya bothibelelo. Mme e rile nama e sa ntse e le mo ganong e ise e tlhafunwe, Morena a tukela morafe bogale; Morena a ba a bolaya bontsi mo morafeng ka petso e kgolo. Felo foo ga tewa leina la Diphupu-tsa-bohula. Gonne teng go fitlhilwe batho ba ba neng ba ineetse mo bohuleng. Morafe wa ba wa bolola kwa Diphupung-tsa-bohula, wa ya kwa Haserothe, wa nna teng. Letsatsi le lengwe Miriame le Arone ba ne ba nyefola Moše ka ntlha ya mosadi wa Mokhuše yo a neng a mo tsere; gonne o ne a nyetse mosadi wa Mokhuše. Ba ne ba re: “A Morena o buile ka Moše a le esi fela? A ga a a bua le ka rona?” athe Morena o a ba utlwa. Monna yoo, Moše, o ne a le pelonolo thata bogolo go batho botlhe ba ba mo lefatsheng. Mme Morena a akofa a bua le Moše le Arone le Miriame a re: “Tswelang kwa Tenteng ya Boipontsho ka boraro jwa lona. Ba tswa ka boraro jwa bone.” Ke fa Morena a fologa a le mo pinagareng ya leru, a ema fa mojakong wa Tente, a bitsa Arone le Miriame, mme ba tswa boo bedi. Morena a re: “Utlwang tlhe mafoko a me! Fa mongwe mo go lona e le moporofeti wa Morena, ke tla mo ikitsise ka pono, ke bua nae ka toro. Mme ka ga Moše motlhanka wa me, ga go a nna jalo, ke yo o ikanyegang mo ntlong yotlhe ya me. Ke bua nae re lebagantse difatlhego le ka pono, e seng ka dinyepo; o bona ponalo ya Morena. Ke go reng, fa lo sa boifa go nyefola Moše motlhanka wa me?” Jaanong Morena a ba tukela bogale, a tsamaya. Mme ya re leru le sena go tloga mo godimo ga Tente, Miriame a bo a sweufetse ka lepero jaaka semathana. Ya re Arone a retologela kwa go Miriame, a mmona a le lepero. Ke fa Arone a raya Moše a re: “Tswetswe, mongwame, a ko o se ka wa re rwesa boleo, ka re dirile ka bosilo, ra leofa. A Miriame a se nne jaaka moswi yo bontlhanngwe jwa nama ya gagwe bo jegileng, fa a tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe.” Moše a goela Moreneng a re: “Joo! Modimo, a ko o mo fodise!” Ke fa Morena a raya Moše a re: “Fa rraagwe a ka bo a mo kgwetse mathe mo sefatlhegong, a o ka bo a se ka a tlhajwa ke ditlhong malatsi a supa? A a tswalelwe malatsi a supa kwa ntle ga bothibelelo, a be a tsholwe gape morago ga moo.” Miriame a tswalelwa jalo malatsi a supa kwa ntle ga bothibelelo. Mme morafe wa se ka wa bolola ga tsamaya Miriame a ba a tsholwa. Morago ga moo morafe wa tloga kwa Haserothe, wa thibelela mo sekakeng sa Pharane. Morena a ba a raya Moše a re: “Roma banna gore ba sekaseke lefatshe la Kanana le ke tla le nayang Baiseraele; lo rome monna a le mongwe wa lotso longwe le longwe lwa borraabo ba e leng dikgosana botlhe.” Moše a ba roma ka taelo ya Morena ba le kwa sekakeng sa Pharane; banna botlhe e le ditlhogo tsa Baiseraele. Maina a bone ke a: Ke Samua morwa Sakhure, wa lotso lwa ga Rubene, le Safate morwa Hori, wa lotso lwa ga Simeone, le Kalebe morwa Jefune, wa lotso lwa ga Juta, le Igale morwa Josefa, wa lotso lwa ga Isašare, le Hosea morwa Nune, wa lotso lwa ga Eferaime, le Phaleti morwa Rafu, wa lotso lwa ga Benyamene, le Gadiele morwa Sodi, wa lotso lwa ga Sebulone, le Gadi morwa Susi, wa lotso lwa ga Manase, wa lotso lwa ga Josefa, le Amiele morwa Gemadi, wa lotso lwa ga Dane, le Sethure morwa Migaele, wa lotso lwa ga Asere, le Nagebi morwa Wofsi, wa lotso lwa ga Nafetale, le Guele morwa Magi, wa lotso lwa ga Gate. Ke ona maina a banna ba Moše a ba romileng go tlhola lefatshe. Mme Hosea morwa Nune Moše a mmitsa Jošua. Ya re Moše a ba roma go sekaseka lefatshe la Kanana, a ba laela a re: “Go tloga fano lo le tsene nageng ya borwa, lo be lo tlhatlogele kwa dithabeng, lo bone lefatshe gore le ntse jang, le batho ba ba agileng mo go lone gore a ba thata gongwe ba bokoa, a ke ba se kae fela kampo ba bantsi; le ka fa lefatshe le ntseng ka teng, le ba agileng mo go lone gore a le siame gongwe ga le a siama, le gore metse e ntse jang e ba nnang mo go yona, a ke metlaagana fela gongwe metse e e femetsweng; le ka fa mmu wa lefatshe o ntseng ka teng gore a o bogale gongwe o boi; le gore a ditlhare di teng mo go lone gongwe ga di yo, mme lo nne pelokgale, lo tle le maungo mangwe a lefatshe.” E ne e le ka sebaka sa mabutswapele a moweine. Ba bolola ba ya go tlhola lefatshe go tloga kwa sekakeng sa Tsine go ya go fitlha kwa Rehobe fa tseleng e e yang kwa Hamathe. Ba ya kwa nageng ya borwa, ba fitlha kwa Heberone, teng go le Ahimane le Sesai le Thalemai, boora Enake. Motse wa Heberone e ne e le dinyaga di supa o ntse o agilwe pele ga motse wa Soane kwa Egepeto. Ba be ba fitlha kwa molatswaneng wa Ešekole, teng ba kgaola kala e e nang le lesitlha le le lengwe la maungo a moweine, ya sikarwa ke ba le babedi ka thobane. Ba be ba fula digaranata tse dingwe le difeie. Felo foo ga bidiwa Molatswana wa Ešekole ka ntlha ya lesitlha le Baiseraele ba le kgaotseng teng. Ya re ba sena go tlhola lefatshe malatsi a le 40 ba boa. Ba ya ba fitlha kwa go Moše le Arone le phuthegong yotlhe ya Baiseraele kwa sekakeng sa Pharane kwa Kateše, ba ba bolelela tsa kwa ba tswang le phuthego yotlhe, ba ba bontsha maungo a lefatshe. Ba feta ba bolela ba re: “Re tswa go fitlha kwa lefatsheng le o re romileng kwa go lone. Ka nnete, le ela mašwi le dinotshe. Maungo a lone ke a. Mme fela, batho ba ba agileng mo lefatsheng ba thata le metse e femetswe, e bile e megolo thata; le gona re bonye mekaloba teng. Baamaleke ba agile mo nageng ya borwa ya lefatshe; Bahethe le Bajebusi le Baamori ba agile kwa dithabeng; Bakanana ba agile fa lewatleng le fa thoko ga Joretane.” Mme Kalebe a didimatsa morafe o o ngongoregelang Moše a re: “A re yeng, re le thope; ruri, re tla le fenya.” Fela banna ba bangwe ba ba neng ba ile nae ba re: “Ga re ka ke ra kgona go bololela morafe ole, gonne o re feta ka thata.” Ba bolelela Baiseraele dilo tse di bosula ka ga lefatshe le ba neng ba ile go le tlhola ba re: “Lefatshe le re neng re le raletse go le sekaseka ke lefatshe le le jang baagi ba lone ka dintwa. E bile morafe otlhe o re o bonyeng mo go lone ke banna ba baleele. Le gona re bonye mekaloba teng, e bong Baenake, boora mekaloba. Ra iphitlhela re tshwana le tsie fela; le bone ba ne ba re lebile jalo.” Ke fa phuthego yotlhe e tlhatlosa mantswe e goa, mme morafe wa lala o lela bosigo joo. Baiseraele botlhe ba ngongoregela Moše le Arone, phuthego yotlhe ya ba raya ya re: “Bogolo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto! Kampo ra swela mo sekakeng seno! Morena o re isetsang kwa lefatsheng leo gore re ye go swa ka tšhaka, mme basadi ba rona le bana ba rona e nne thopo? A ga go botoka gore re boele kwa Egepeto?” Ba be ba raana ba re: “A re itlhomeleng moetapele, re boele kwa Egepeto!” Mme Moše le Arone ba wela fa fatshe ka difatlhego fa pele ga phuthego yotlhe ya Baiseraele e e phuthegileng. Mme Jošua morwa Nune le Kalebe morwa Jefune, ba e leng ba lesomo le le tswang go tlhola lefatshe, ba ikgagola diaparo, ba raya phuthego yotlhe ya Iseraele ba re: “Lefatshe le re neng re le raletse go le sekaseka ke lefatshe le le molemo thata thata. Fa Morena a re itumelela, o tla re fitlhisa kwa lefatsheng leo, a le re naya; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Fela lo se rukhutlhegeleng Morena, le gona lo se ka lwa boifa batho ba lefatshe leo; gonne re tla ba metsa. Phemelo ya bone e tlogile mo go bone, mme rona Morena o na le rona. Se ba boifeng!” Jaanong ya re phuthego yotlhe e re e ba kgobotletsa ka majwe, kgalalelo ya Morena ya bonalela Baiseraele botlhe kwa Tenteng ya Boipontsho. Morena a ba a raya Moše a re: “Batho ba, ba tla nnyatsa goleele go le kae? Ba tla khutla leng go sa dumeleng mo go nna, etswe ba bonye ditshupo tsotlhe tse ke di dirileng mo gare ga bone? Ke tla ba bolaya ka leroborobo, ke ba nyeletsa, mme wena ke tla go dira morafe o mogolo, o o thata bogolo go bone.” Mme Moše a raya Morena a re: “Baegepeto ba ka tla ba utlwa; gonne o ntshitse morafe o mo gare ga bone ka thata ya gago. Le gona go ka bolelelwa baagi ba lefatshe la Kanana. Ba utlwile gore wena Morena o mo gare ga morafe o, le gore wena Morena o iponatsa go lebagantswe difatlhego le gore leru la gago le ba okame le gore o ba etelela pele ka pinagare ya leru motshegare le ya molelo bosigo. Jaanong fa o ka bolaya morafe o jaaka monna a le mongwe, foo baheitane ba ba utlwetseng tumo ya gago ba tla bua ba re: ‘E re ka Morena a paletswe ke go fitlhisa morafe o kwa lefatsheng le a le ba ikanetseng, o ba bolaetse mo sekakeng.’ Jaanong he, a thata ya Morena e ke e nne kgolo jaaka o buile wa re: ‘Morena o pelotelele, o letlotlo la boutlwelo-botlhoko, o itshwarela molato le tlolo, mme ga a lese ope fela a sa mmetse, mme o beletsa bana tshiamololo ya borraabo go ya losikeng lwa boraro le lwa bone.’ A ko o itshwarele molato wa morafe o ka fa bogolong jwa bopelotlhomogi jwa gago, jaaka o ne o ntse o itshwarela morafe o go tloga kwa Egepeto go fitlha fano.” Morena a araba a re: “Ke ba itshwaretse jaaka o kopile. Fela ruri, ka botshelo jwa me le ka lefatshe lotlhe le tla tlala kgalalelo ya Morena: Ruri, banna botlhe ba ba bonyeng kgalalelo ya me le ditshupo tsa me tse ke di dirileng kwa Egepeto le mo sekakeng, mme ba ntekile gasome, ba gana go utlwa lentswe la me, ga ba kitla ba bona lefatshe le ke le ikanetseng borraabo; botlhe ba ba nnyaditseng ga ba kitla ba le bona. Mme Kalebe motlhanka wa me, e re ka a na le mowa o sele, a ntshetse morago ka botlalo, ke tla mo fitlhisa kwa lefatsheng le o tswang go tsena mo go lone, mme ba losika lwa gagwe ba tla le rua. Baamaleke le Bakanana ba agile mo lebaleng. Kamoso lo retologe, lo bolole go ya kwa sekakeng ka tsela e e yang kwa Lewatleng la Motlhaka.” Morena a ba a raya Moše le Arone a re: “Phuthego e e bosula e, e tla nna e nngongoregela go fitlha leng? Dingongorego tsa Baiseraele tse ba sa bolong go nngongoregela ka tsona ke di utlwile. Ka moo o ba ree o re: ‘Ka botshelo jwa me! Go bua Morena. Ruri, ke tla lo direla fela jaaka lo buile mo ditsebeng tsa me: Direpa tsa lona di tla namalala mo sekakeng se, e bong botlhe ba ba badilweng ba lona ka fa palong yotlhe ya lona go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone ba lo nngongoregetseng. Ruri, ga lo kitla lo tsena mo lefatsheng le ke le tsholeleditseng letsogo la me, ka ikana go lo agisa mo go lone, fa e se Kalebe morwa Jefune le Jošua morwa Nune. Mme bana ba lona ba lo rileng ba tla nna thopo, ke bone ke tla ba fitlhisang gore ba rue lefatshe le lo le nyaditseng. Mme lona, direpa tsa lona di tla namalala mo sekakeng se. Bana ba lona ba tla nna badisa mo sekakeng dinyaga di le 40, ba rwala boikepo jwa lona go tsamaya direpa tsa lona di be di felelela mo sekakeng. Ka fa palong ya malatsi a soma mane a lo tswang go tlhola lefatshe ka ona, – lo tla rwala ditshiamololo tsa lona dinyaga di le 40 gore lo tle lo itse ka fa ke emelanang le lona ka teng.’ Nna Morena ke buile jalo; ruri, phuthego yotlhe e e bosula e, e e golaganetseng go lwa le nna, ke tla e direla jalo. Ba tla nyelela mo sekakeng seno, ba swela teng.” Mme banna ba Moše o neng a ba romile go ya go tlhola lefatshe, ba ba fetileng ba ngongoregisa phuthego yotlhe ka ga gagwe ka go bua dilo tse di bosula ka ga lefatshe, banna bao ba ba buileng dilo tse di bosula ka ga lefatshe ba swela fa pele ga Morena ka petso. Mme Jošua morwa Nune le Kalebe morwa Jefune, ba ba neng ba na le banna ba ba tswang go tlhola lefatshe, bona ba phela. Ya re Moše a bolelela Baiseraele botlhe mafoko ao morafe wa hutsafala thata. Mo mosong ba phakela, ba tlhatlogela kwa godimo ga thaba, ba re: “Re fano, a re yeng kwa felong fa Morena a buileng ka ga gona; gonne re leofile.” Mme Moše a re: “Lo tlolelang taolo ya Morena? Go tlile go pala. Se bololeng, gonne Morena ga a na le lona. Lo tla bolawa ke baba ba lona. Gonne Baamaleke le Bakanana ba teng fa pele ga lona, mme lo tla swa ka tšhaka; e re ka lo tlhanogetse Morena, ga a kitla a nna le lona.” Mme ba ikgogomosa ba re ba tlhatlogela kwa dithabeng; fela Letlole la Kgolagano la se ka la suta go tswa mo bothibelelong le e seng Moše. Ke fa Baamaleke le Bakanana ba ba neng ba agile mo dithabeng tseo ba fologa ba ba bolaya, ba ba phatlalatsa go ya go fitlha kwa Horema. Mme ba boela kwa bothibelelong. Morena a bua le Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go fitlha kwa lefatsheng la maago a lona le ke tla le lo nayang, mme lo rata go direla Morena tlhabelo ya molelo, le fa e le setlhabelo sa phiso gongwe setlhabelo se se jewang, le fa e le sa go dirafatsa maikano ka bolona gongwe sa bopelotshweu gongwe ka meletlo ya lona, go direla Morena monko o o nkgang monate wa dikgomo gongwe wa difutshane tsa lona: Gona yo o tlisetsang Morena neo ya tlhabelo ya gagwe a tlise le tshupelo ya bupe jo bo boleta jwa karolo ya lesome ya efa, bo dubilwe ka lookwane lwa karolo ya bone ya hina. Le gona o baakanye tshupelo ya noo ya karolo ya bone ya hina ya weine mmogo le setlhabelo sa phiso gongwe setlhabelo se se jewang sa kwana e le nngwe. Fa e le phelehu e e tlhabelwang o baakanye tshupelo ya bupe jo bo boleta jwa dikarolo di le pedi tsa lesome tsa efa, bo dubilwe ka lookwane lwa karolo ya boraro ya hina; o be o tlise karolo ya boraro ya hina ya weine ya tshupelo ya noo, e le tsa monko o o monate mo Moreneng. Mme fa o baakanya setlhabelo sa phiso gongwe se se jewang sa poana, le fa e le sa go dirafatsa maikano ka bowena, gongwe sa go leboga Morena, mmogo le poana o tlise tshupelo ya bupe jo bo boleta jwa dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa, bo dubilwe ka lookwane lwa bontlhanngwe jwa hina; o be o tlise bontlhanngwe jwa hina ya weine ya tshupelo ya noo. Ke tsa tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng. “ ‘A kgomo nngwe le nngwe e direlwe jalo le phelehu nngwe le nngwe le sefutshane sengwe le sengwe, le fa e le sa nku gongwe sa podi. A palo ya ditshupelo tsa dijo le dino e lekane le palo ya diruiwa tse lo di tlhabelang. Mongwe le mongwe yo e leng ngwana wa motse a baakanye dineo tseo ka mokgwa oo, fa a tlisa tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng. Le moeng yo o lo agetseng, le fa e le ka sebaka sefe gongwe mo losikeng lofe, fa a baakanya tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng, a a dire jaaka lona lo dira. Mo phuthegong go molao o le mongwe fela wa lona le wa moeng yo o lo agetseng. Ke molao o o nnetseng ruri mo ditshikeng tsa lona: Moeng o tshwana le lona fa pele ga Morena. Molao o le mongwe fela le tshiamelo e le nngwe fela di tshwanetse lona le baeng ba ba lo agetseng.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go fitlha kwa lefatsheng le ke lo isang kwa go lone, mme lo ja dijo tsa lefatshe leo, gona lo ntshetse Morena lekgetho. Lo ntshe kuku ya seabe, e le ya bupe jwa mabele a lona a a butswang pele. Lo e ntshe fela jaaka lekgetho la seboana. Lo neele Morena seabe sa bupe jwa lona jwa mabutswapele mo tlhatlologanong yotlhe ya ditshika tsa lona. “ ‘E re fa lo ka leofa ka go sa itse, lo sa dire ka fa ditaolong tsotlhe tseo tse Morena o di boleletseng Moše; e bong tsotlhe tse Morena o di lo laetseng ka Moše go tloga ka letsatsi le Morena o di laetseng ka lone le kwa pele mo tlhatlologanong yotlhe ya ditshika tsa lona: Jaanong fa go dirilwe jalo ke phuthego ka go sa itse, e sa itemoge, foo a phuthego yotlhe e baakanye poana e le nngwe ya setlhabelo sa phiso sa monko o o monate mo Moreneng le tshupelo ya dijo ya sona le tshupelo ya noo ya sona, ka fa di tshwanetseng ka teng, le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo. A moperesiti a direle phuthego yotlhe ya Baiseraele thuanyo jalo, foo ba tla itshwarelwa; gonne e ne e se ka bomo, e bile ba tsiseditse Morena tshupelo ya bone ya molelo, ba tsisa setlhabelo sa boleo sa bone fa pele ga Morena ka ntlha ya phoso ya bone. Phuthego yotlhe ya Baiseraele e tla itshwarelwa jalo mmogo le moeng yo o ba agetseng; gonne phoso e ne e le ya morafe otlhe. “ ‘Mme fa motho a le mongwe a leofa ka bokoa, a a tlise potsane e namagadi ya ngwaga o le mongwe ya setlhabelo sa boleo. Jaanong a moperesiti a direle motho yoo thuanyo yo o leofileng ka go sitega, e se ka bomo, fa pele ga Morena go mmatlela boitshwarelo, foo o tla itshwarelwa. Le fa e le ngwana wa motse wa Baiseraele gongwe moeng yo o ba falaletseng, lo nne le molao o le mongwe fela wa yo o dirang boleo ka go sa itse. “ ‘Fela motho yo o dirang boleo ka bomo, e ka nna ngwana wa motse gongwe moeng, ene o nyefola Morena. A motho yoo a nyelediwe mo morafeng wa ga gabo. Gonne o nyaditse lefoko la Morena, a tlola molao wa gagwe. Motho yoo o tshwanetse go nyelediwa. Molato wa gagwe o mo wetse.’ ” E rile Baiseraele ba ntse ba le kwa sekakeng ba fitlhela monna mongwe a rwalela dikgong ka letsatsi la Sabata. Jaanong ba ba mmonyeng a di rwalela ba mo isa kwa go Moše le Arone le kwa phuthegong yotlhe. Ba mo tsenya mo kgolegong; gonne go ne go ise go atlholwe gore o ka tweng. Ke fa Morena a raya Moše a re: “Monna yoo o tshwanetse go bolawa; a phuthego yotlhe e mo kgobotletse ka majwe kwa ntle ga bothibelelo!” Phuthego yotlhe ya ba ya mo ntshetsa kwa ntle ga bothibelelo, ya mo kgobotletsa ka majwe, mme a swa, jaaka Morena a laetse Moše. Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re, ba itirele dikola mo mejeng ya diaparo tsa bone mo tlhatlologanong ya ditshika tsa bone, ba bofelele megala e mebududu mo dikoleng tsa meja. A e nne dikola tsa go re fa lo di leba, lo gakologelwe ditaolo tsotlhe tsa Morena, lo di dirise, mme lo se latele dipelo tsa lona le matlho a lona tse lo akafalang fa lo di sala morago; e le go re lo gakologelwe ditaolo tsotlhe tsa me, lo di dirise, lo nne ba ba boitshepo ba Modimo wa lona. Ke nna Morena Modimo wa lona yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore ke nne Modimo wa lona; nna ke Morena Modimo wa lona.” Kora morwa Isehare, morwa Kahathe, morwa Lefi, o kile a tsaya banna, a na le Dathane le Abirame, bomorwa Eliabe, le One, morwa Phelethe, boora Rubene; ba rukhutlhegela Moše, ba na le banna ba le 250 ba Baiseraele, e le bagogi ba phuthego ba ba bileditsweng pitsong ya morafe, e le banna ba ba tumileng. Ba kgobokana go lwa le Moše le Arone, ba ba raya ba re: “Go lekanye jaanong! Kana ba botlhe mo phuthegong yotlhe ba boitshepo, mme Morena o mo gare ga bone. Ke ka ntlha ya eng, fa lo itira ba bagolo mo phuthegong ya Morena?” Ya re Moše a utlwa jalo, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a raya Kora le lekoko lotlhe la gagwe a re: “Mo mosong Morena o tla itsise morafe gore yo e leng wa gagwe ke mang le yo o leng boitshepo mo a tla bong a mo atametse kwa go ene; mme yo a mo tlhophileng o tla mo atametsa kwa go ene. Dirang jaana: Tsayang maiswana, wena Kora le lekoko lotlhe la gago, lo tsenye molelo mo go ona kamoso, lo be lo bee maswalo mo go ona fa pele ga Morena, mme monna yo Morena o mo tlhophang e tla nna ene yo o boitshepo. Go lekanye jaanong, lona bomorwa Lefi.” Moše a ba a raya Kora a re: “A ko lo utlwe, lona bomorwa Lefi! A lo a galala, fa Modimo wa Iseraele o lo lomologantse le phuthego ya Iseraele go lo atametsa kwa go ona gore lo dire tsa tirelo ya Tempelana ya Morena le gore lo eme fa pele ga phuthego go e direla? O go atameditse kwa go ona le ba ga eno botlhe, boora Lefi nao; a jaanong le boperesiti lo a bo batla? Ka moo, wena le lekoko lotlhe la gago lo utlwanetse go lwa le Morena. Arone o eng mo lo ka mo ngongoregelang?” Moše a ba a roma motho go bitsa Dathane le Abirame bomorwa Eliabe, mme ba re: “Ga re tle. A ga go a lekana fa o re ntshitse mo lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe go re bolaela mo sekakeng? A o sa ntse o itira kgosi ya rona gape? Ruri, ga o a ka wa re isa kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe le e seng go re naya boswa jwa masimo le masimo a moweine! A o rata go gonya banna ba matlho? Ga re tle.” Ke fa Moše a galefa thata, a raya Morena a re: “O se ka wa ngoka tshupelo ya dijo ya bone! Ga ke a ka ka amoga ope wa bone esele le e seng go utlwisa ope wa bone botlhoko.” Moše a ba a raya Kora a re: “Wena le lekoko lotlhe la gago lo nne fa pele ga Morena kamoso, wena le bone le Arone. Mme mongwe le mongwe wa lona a tsee leiswana la gagwe, a be a bee maswalo mo go lone, a le atametse fa pele ga Morena, e nne maiswana a le 250; le wena le Arone mongwe le mongwe a tle le leiswana la gagwe.” Ke fa mongwe le mongwe wa bone a tsaya leiswana la gagwe, ba tsenya molelo mo go ona, ba be ba baya maswalo mo go ona, ba ema kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho ba na le Moše le Arone. Kora ene a phuthela phuthego yotlhe kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho go lwa nabo. Ke fa kgalalelo ya Morena e bonalela phuthego yotlhe. Morena a ba a raya Moše le Arone a re: “Itomologanyeng le phuthego e, ke tle ke ba fetse ka ponyo ya leitlho.” Mme ba wela fa fatshe ka difatlhego ba re: “Modimo, Modimo wa mewa ya nama yotlhe, a e ka re fa monna a le mongwe a leofile, wa galefela phuthego yotlhe?” Morena a ba a raya Moše a re: “Raya phuthego o re: ‘Tlogang mo tikologong ya motlaagana wa ga Kora le wa ga Dathane le wa ga Abirame.’ ” Moše a nanoga a ya kwa go Dathane le Abirame, bagolo ba Iseraele ba mo setse morago, a bua le phuthego a re: “A ko lo thiboge fa ditenteng tsa banna ba baikepi bao, mme se ameng sepe se e leng sa bone, e se re gongwe lwa nyelediwa ka ntlha ya maleo otlhe a bone.” Ke fa ba thiboga fa tikologong ya motlaagana wa ga Kora le wa ga Dathane le wa ga Abirame. Mme Dathane le Abirame ba tswa ba ema kwa mejakong ya ditente tsa bone, ba na le basadi ba bone le bomorwaa-bone le bana ba bannye ba bone. Jaanong Moše a re: “Se lo tla lemogang ka sona, fa Morena a nthomile go dira ditiro tsotlhe tse, mme e se tsa boithatelo jwa me, ke se: Fa batho ba, ba ka swa jaaka go swa batho botlhe, gongwe ba bediwa ka petso ya batho botlhe, Morena o tla bo a sa nthoma. Mme fa Morena a tlhola motlholo o mošwa, mme lefatshe le atlhamisa molomo wa lone, le ba metsa le tsotlhe tse ba nang natso, mme ba fologela kwa felong ga baswi ba ntse ba tshela, foo lo tla itse gore banna ba ba nyaditse Morena.” Ya re a sena go bua mafoko otlhe a, lefatshe la phatloga fa tlase ga bone; lefatshe la ba la atlhamisa molomo wa lone, la ba metsa le malapa a bone le batho botlhe ba e leng ba ga Kora le di-tsa-bone tsotlhe. Ba fologela kwa felong ga baswi ba ntse ba phela le tsotlhe tse ba nang natso; lefatshe la ba la ba bipa. Ba nyelela jalo mo phuthegong. Mme ya re ba goa, Baiseraele botlhe ba ba neng ba le mo tikologong ya bone ba tshaba; gonne ba re: “Le rona lefatshe le ka re metsa.” Le gona ga tswa molelo kwa Moreneng, wa ja banna ba le 250 ba ba tlisitseng maswalo. Morena a ba a raya Moše a re: “Bolela Eleasare morwa moperesiti Arone gore a ntshe maiswana mo digaung, a gasetse molelo kwa kgakala; gonne a boitshepo; maiswana a baleofi bao a diregile boitshepo ka loso lwa bone. A ba a papetle, a nne maphaphathi a go manega aletare, gonne ba a tlisitse fa pele ga Morena, ke ka moo a itshepileng, mme e tla nna sesupo mo Baiseraeleng.” Eleasare moperesiti a tsaya maiswana a kgotlho a a tlisitsweng ke ba ba šeleng, a a papetla gore a manege aletare gore e nne segopotso mo Baiseraeleng gore go se ka ga atamela monna wa moeng yo e seng wa losika lwa ga Arone go tshuba maswalo fa pele ga Morena, e se re gongwe ga mo dirafalela jaaka Kora le lekoko la gagwe jaaka Morena a mmoleletse ka Moše. Mme kamoso phuthego yotlhe ya Baiseraele ya ngongoregela Moše le Arone ya re: “Lo bolaile morafe wa Morena.” Jaanong ya re phuthego e kgobokana go lwa le Moše le Arone, ba retologa ba tshabela kwa Tenteng ya Boipontsho, ba fitlhela leru le e bipile le kgalalelo ya Morena e bonala. Moše le Arone ba feta ba ema fa pele ga Tente ya Boipontsho. Mme Morena a bua le Moše le Arone a re: “Tlogang mo phuthegong e, ke tle ke e nyeletse ka ponyo ya leitlho.” Mme ba wela fa fatshe ka difatlhego. Moše a ba a raya Arone a re: “Tsaya leiswana, o tsenye molelo go lone o o tswang mo aletareng, o be o bee maswalo mo go ona, o akofe o le ise kwa phuthegong, o e direle thuanyo; gonne bogale bo bolotse bo tswa kwa Moreneng, le petso e setse e simologile.” Arone a le tsaya jaaka Moše a buile, a sianela kwa gare ga phuthego, a fitlhela petso e simologile mo morafeng; a ba a baya maswalo mo go lone, a direla morafe thuanyo. Ya re a ntse a eme jalo mo gare ga ba ba suleng le ba ba phelang, petso ya thibelwa. Jaanong ba ba suleng ka petso eo ba ne ba le 14 700, go sa balwe bale ba ba suleng ka khuduo ya ga Kora. Arone a ba a boela kwa go Moše kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, petso e sena go thibelwa. Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele, o tsee mo go bone thobane e le nngwe ya lotso longwe le longwe, e bong mo dikgosaneng tsotlhe tsa ditso tsa bone, e bong dithobane di le 12. O be o kwale leina la mongwe le mongwe mo thobaneng ya gagwe. Mme leina la ga Arone o le kwale mo thobaneng ya ga Lefi. Gonne thobane e le nngwe e tla nna ya tlhogo ya lotso longwe le longwe lwa bone. O be o di bee mo Tenteng ya Boipontsho fa pele ga Letlole la Tshupo ya Molao kwa ke kopanang le lona gona. Jaanong thobane ya monna yo ke mo tlhophang e tla tlhoga; ka mokgwa o ke tla khutlisa dingongorego tsa Baiseraele tse ba lo ngongoregelang ka tsona gore ke se tlhole ke di utlwa.” Ya re Moše a bua jalo le Baiseraele, dikgosana tsotlhe tsa bone tsa mo neela dithobane, kgosana nngwe le nngwe ya mo neela thobane e le nngwe ka fa ditsong tsa bone, e bong dithobane di le 12. Mme thobane ya ga Arone ya bo e le mo gare ga dithobane tsa tsone. Moše a ba a baya dithobane fa pele ga Morena mo Tenteng ya Tshupo. Jaanong ya re kamoso Moše a tsena mo Tenteng ya Tshupo, a fitlhela thobane ya ga Arone ya lotso lwa ga Lefi e tlhogile, e ntshitse matlhare, e thuntse dithunya, e bile e budule maungo a moamantele. Moše a ba a tsaya dithobane tsotlhe fa pele ga Morena, a di ntshetsa kwa Baiseraeleng botlhe, ba di bona, mme kgosana nngwe le nngwe ya tsaya thobane ya yona. Mme Morena a raya Moše a re: “Busetsa thobane ya ga Arone fa pele ga Letlole la Tshupo ya Molao gore e bolokwe go nna sesupo mo dirukhutlhing, o khutlise dingongorego tsa bone, o di tlose mo go nna gore ba se ka ba swa.” Moše a dira jaaka Morena a mo laetse; a dira jalo. Mme Baiseraele ba raya Moše ba re: “Bona, re a swa, re a nyelela, re tla fela rotlhe. Mongwe le mongwe yo o ka atamelang Tempelana ya Morena o tshwanetse go swa. A re na le go fela ka go swa?” Jaanong Morena a raya Arone a re: “Wena le bomorwao le ba lotso lwa ga rraago lo tla rwala molato wa tse di ka leofelwang Felo-ga-Boitshepo, mme wena le bomorwao lo tla rwala molato, fa lo ka leofela boperesiti jwa lona. Mme le ba ga eno ba lotso lwa ga Lefi, ba lotso lwa ga rraago o ba atametse gore ba ikopanye nao, ba go direle, fa wena le bomorwao lo ntse lo le tirelong fa pele ga Tente ya Tshupo. A ba tlhokomele tirelo ya gago le tirelo ya Tente yotlhe; fela ba se ka ba atamela dilo tse di mo Tenteng e e Boitshepo le aletare, ka go re ba ka swa bone le lona. A ba ikopanye nao, ba tlhokomele tirelo ya Tente ya Boipontsho, e bong tsotlhe tse di dirwang kwa Tenteng, mme go se ka ga atamela o sele kwa go lona. Lo tlhokomele tirelo ya Felo-ga-Boitshepo le ya aletare gore bogale jwa Modimo bo se ka jwa tlhola bo wela Baiseraele. Bona, ke nna ka nosi ke tsereng ba ga eno, e bong Balefi mo gare ga Baiseraele, ka ba lo naya, ba neetswe Morena gore ba dire tsa tirelo ya Tente ya Boipontsho. Mme wena le bomorwao lo tlhokomele boperesiti jwa lona mo dilong tsotlhe tsa aletare le tsa ka fa teng ga lesire lo direle teng. Ke lo naya boperesiti e le tirelo e lo e fiwang. O sele yo o ka atamelang o tshwanetse go bolawa.” Morena a ba a raya Arone a re: “Bona, ke nna ka nosi ke go fileng tse di sadisiwang tsa diabe tsa me, e bong tsa dineo tsotlhe tse Baiseraele ba di isang kwa Felong-ga-Boitshepo; ke di go file go nna kabelo ya gago le bomorwao go nna tshiamelo e e nnelang ruri. Se e tla nnang sa gago ke se se sa fisiweng sa dineo tse di boitshepotshepo, e bong dineo tsotlhe tsa bone tsa ditshupelo tsa dijo le tsa ditlhabelo tsa boleo le tsa ditlhabelo tsa molato tse ba di ntlisetsang e le tefa; ke tsona tse di boitshepotshepo tsa gago le bomorwao. Lo di jele fa Felong fa go Boitshepotshepo. Ba batonanyana botlhe ba ka di ja. A e nne tse di boitshepo mo go wena. “Se le sona e tla nnang sa gago ke diabe tsa dineo tse dingwe tsa bone, e bong tsa ditshupelo tsa kgadikanyo tsotlhe tsa Baiseraele; ke di file wena le bomorwao le bomorwadio e le tshiamelo e e nnelang ruri. Botlhe ba ba itshekileng mo lapeng la gago ba ka di ja. “Ke go file diabe tsa lookwane lo lontle lotlhe le tsa matute a moweine a a monate otlhe le tsa mabele a a pila otlhe, e bong tse di gaisang ka molemo tsa tsona, tse ba di neelang Morena. Mabutswapele a tsotlhe tsa lefatshe la bone a ba tla a tsisetsang Morena e tla nna a gago; botlhe ba ba itshekileng mo lapeng la gago ba ka a ja. “Tsotlhe tse di itshepiseditsweng Modimo mo Baiseraeleng e tla nna tsa gago. “Maitibolo a nama yotlhe a ba a tsisetsang Morena, a batho le a diruiwa e tla nna a gago. Fela o letlelele leitibolo la motho go rekololwa; o be o letlelele leitibolo la seruiwa se se sa itshekang go rekololwa. Fa e le thekololo ya lone, o le letlele go rekololwa le le kgwedi le go feta ka fa o le kayang tlhwatlhwa ka teng ka selefera ya dišekele di le tlhano, e le šekele ya Felo-ga-Boitshepo, yona e na le digera di le 20. Fela leitibolo la kgomo gongwe la nku gongwe la podi, o se ka wa letlelela gore le rekololwe; ke maitibolo a Felo-ga-Boitshepo. Kgatsha madi a ona mo aletareng, o be o tshube mafura a ona, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng. Dinama tsa ona e nne tsa gago; e tla nna tsa gago jaaka sehuba sa kgadikanyo le serope sa le le jang. “Diabe tsotlhe tsa dineo tse di boitshepo tse Baiseraele ba di kgethelang Morena ke di file wena le bomorwao le bomorwadio, e le tshiamelo e e nnelang ruri. Ke kgolagano ya letswai e e sa khutleng fa pele ga Morena e e diretsweng wena le losika lwa gago.” Morena a ba a raya Arone a re: “O se ka wa rua boswa kwa lefatsheng la bone le e seng go nna le kabelo mo gare ga bone; ke nna kabelo ya gago le boswa jwa gago mo gare ga Baiseraele. “Bona, ke neile Balefi dikarolo tsotlhe tsa lesome mo Baiseraeleng go nna boswa jwa bone ka ntlha ya tirelo ya bone e ba e dirang kwa Tenteng ya Boipontsho. A Baiseraele ba se tlhole ba atamela kwa Tenteng ya Boipontsho; ba ka tla ba ithwesa molato, ba swa. Mme a Balefi ba dire tsa tirelo ya Tente ya Boipontsho gore fa go ka nna molato, o rwalwe ke bone. Ke molao o o nnelang ruri mo ditshikeng tsa bone. A ba se ka ba rua boswa mo gare ga Baiseraele. Gonne dikarolo tsa lesome tsa Baiseraele tse ba di kgethelang Morena ke tsona ke di neileng Balefi go nna boswa jwa bone. Ke ka moo ke ba reileng ka re, ba se ka ba rua boswa mo gare ga Baiseraele.” Morena a ba a bua le Moše a re: “Bua le Balefi o ba ree o re: ‘E ne e re fa lo tsaya dikarolo tsa lesome mo Baiseraeleng tse ke di lo neileng di tswa mo go bone tse e leng boswa jwa lona, lo ntsha seabe sa Morena mo go tsona, e bong karolo ya lesome mo go ya lesome. Mme lo tla balelwa lekgetho la lona jaaka la mabele a seboana a batho ba bangwe le jaaka la phulo e e tletseng ya setlhotlhelo. Le lona lo ntshe lekgetho la Morena jalo mo dikarolong tsa lesome tsotlhe tsa lona tse lo di amogelang mo Baiseraeleng. Lekgetho leo la Morena le le tswang mo go tsona lo le neele moperesiti Arone. Lo ntshe lekgetho le le tletseng la Morena mo dineong tsotlhe tse lo di fiwang; a e nne tse di siameng go feta tsotlhe, e le neo e e boitshepo e e tswang mo go tsona.’ O be o ree o re: ‘Fa lo ntsha tse di siameng tsa tsona mo go tsona, tse di setseng a e nne tsa Balefi jaaka thobo e e kwa seboaneng le jaaka letlotlo le le kwa setlhotlhelong tsa batho ba bangwe. Lo ka di jela mo felong gongwe le gongwe, lona le ba malapa a lona; gonne ke tuelo ya lona ya tirelo ya lona kwa Tenteng ya Boipontsho. Fa lo ntsha tse di siameng tsa tsona, ga lo ne lo ithwesa boleo ka ntlha ya tsona, lo sa itshepolole dineo tse di boitshepo tsa Baiseraele, mme ga lo ka ke lwa swa.’ ” Morena a ba a raya Moše le Arone a re: “Taelo ya molao ke e, e Morena a e laetseng a re: Raya Baiseraele gore ba go tsisetse kgomo e khunwana e e itekanetseng e e se nang bogole e e iseng e rwale joko. Lo e neele Eleasare moperesiti, mme e ntshediwe kwa ntle ga bothibelelo, e tlhajwe fa pele ga gagwe. Jaanong Eleasare moperesiti a tabole madi a yona ka monwana, a be a a kgatshetse gasupa ntlheng ya mojako wa Tente ya Boipontsho. Jaanong kgomo e fisiwe fa pele ga matlho a gagwe, e bong letlalo la yona le nama ya yona le madi a yona, di fisiwe mmogo le moswang wa yona. Moperesiti a be a tsee logong lwa mosetere le mosiama le lesela la bohibidu jwa madi, a di latlhele mo gare ga molelo o o fisang kgomo. Moperesiti a be a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo o ka tsena mo bothibelelong, mme moperesiti o tla nna a itshekologile go fitlha maitsiboa. Le yo o e fisitseng a tlhatswe diaparo tsa gagwe ka metsi, a tlhape mmele ka metsi; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Jaanong a monna yo o itshekileng a ole molora wa kgomo eo, a o tshele mo felong fa go itshekileng kwa ntle ga bothibelelo gore o bolokelwe phuthego ya Baiseraele, o tlhakanngwe le metsi a a tlhatswang boitshekologo. Ke wa setlhabelo sa boleo. Le yo o odileng molora wa kgomo a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a itshekologe go ya maitsiboeng. A e nne molao o o nnelang ruri wa Baiseraele le wa baeng ba ba jakang mo gare ga bone go re: “Yo o amang moswi, le fa e le setoto sa motho ofe, o tla bo a itshekologile malatsi a supa. A a tlhape boleo ka ona molora ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, foo o tla itsheka. Mme fa a sa tlhape boleo ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa ga a kitla a itsheka. Mongwe le mongwe yo o amang moswi, e bong setoto sa motho yo o suleng, mme a sa tlhape boleo joo, o itshekolotse Tempelana ya Morena. A motho yoo a nyelediwe mo Baiseraeleng. E re ka metsi a a tlhatswang boitshekologo a se ka a kgatshiwa mo go ene, o tla nna a itshekologile. Boitshekologo jwa gagwe bo sa ntse bo le mo go ene. “Molao ke o: Fa motho a swela mo tenteng, foo botlhe ba ba tsenang mo go yona le ba ba leng mo go yona ba tla bo ba itshekologile malatsi a supa. Le dijana tsotlhe tse di sa khurumelwang ka dikhurumelo tse di bofeletsweng mo go tsona di itshekologile. Le mongwe le mongwe yo o amang motho kwa nageng yo o bolailweng ka tšhaka gongwe setoto se sengwe gongwe sefifi sa moswi gongwe phupu o tla bo a itshekologile malatsi a supa. “Mme yo o itshekologileng jalo, a ba bangwe ba mo tabolele molora wa setlhabelo seo sa boleo se se fisitsweng, ba tshele metsi a a elang mo go ona o le mo pitseng. Jaanong monna yo o itshekileng a tsee mosiama, a o ine mo metsing, a be a kgatshe tente le dilo tsotlhe tsa yona le batho ba ba neng ba le teng le ene yo o amileng sefifi gongwe yo o bolailweng gongwe setoto gongwe phupu. Yo o itshekileng a a kgatshe yo o itshekologileng ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, a mo tlhatswe boleo ka letsatsi la bosupa. Jaanong a yo o neng a itshekologile a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape ka metsi; foo o tla bo a itshekile maitsiboa. “Mme fa motho yo o itshekologileng a sa tlhape boleo, gona a motho yoo a nyelediwe mo phuthegong. Gonne o itshekolotse Felo-ga-Boitshepo ga Morena, mme metsi a a tlhatswang boitshekologo ga a a ka a kgatshiwa mo go ene; o itshekologile. A e nne molao mo go bone o o nnelang ruri. Mme yo o neng a kgatsha metsi a a tlhatswang boitshekologo a tlhatswe diaparo tsa gagwe. Yo o ka amang metsi a a tlhatswang boitshekologo o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Le tsotlhe tse yo o itshekologileng a di amang di tla itshekologa. Le motho yo o mo amang o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.” Jaanong Baiseraele, e bong phuthego yotlhe, ba fitlha kwa sekakeng sa Tsine ka kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa 40; morafe wa nna kwa Kateše, mme Miriame a swela gona, a ba a fitlhwa teng. Ke fa phuthego e tlhoka metsi gape, mme ba phuthega go omana le Moše le Arone. Batho ba lwa le Moše, ba bua ba re: “Ntlha re ka bo re sule, jale fa ba ga rona ba swa fa pele ga Morena. Lo ne lo tsisetsang phuthego ya Morena mo sekakeng seno gore re swele fano le diruiwa tsa rona? Ke go reng, fa lo re ntshitse kwa Egepeto go re fitlhisa felong fano fa go bosula? Ga se felo ga dijwalo le difeie le masimo a moweine le digaranata; le gona ga go na metsi a a ka nowang.” Ke fa Moše le Arone ba tlogela phuthego, ba ya kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, ba wa ka difatlhego, mme kgalalelo ya Morena ya ba phatsimela. Morena a ba a raya Moše a re: “Tsaya thobane, o kgobokanye phuthego o na le Arone mogoloo, o bue le lefika fa pele ga matlho a bone, gona le tla ntsha metsi a lone. O ba ntshetse metsi jalo mo lefikeng, o nose phuthego le diruiwa tsa bone.” Moše a tsaya thobane fa pele ga Morena jaaka a mo laetse. Moše le Arone ba kgobokanya phuthego fa pele ga lefika, mme Moše a ba raya a re: “A ko lo utlwe, lona barukhutlhi, a re tla lo ntshetsa metsi mo lefikeng le?” Moše a ba a tsholetsa letsogo, a itaya lefika gabedi ka thobane ya gagwe; ga tswa metsi a mantsi, mme phuthego ya nwa le diruiwa tsa bone. Mme Morena a raya Moše le Arone a re: “E re ka lo se ka lwa ntumela go nkgalaletsa mo matlhong a Baiseraele, ke ka moo lo se kitlang lo fitlhisa phuthego e kwa lefatsheng le ke le ba neileng.” Ke ona Metsi a Meriba, fa Baiseraele ba neng ba lwa le Morena teng, mme ene a itshupa mo go bone a le boitshepo. E rile ba ntse ba le kwa Kateše, Moše a roma barongwi kwa kgosing ya Baetomo a re: “Baiseraele, bomorwaa-rraago, ba bua jaana ba re: O itse pogisego yotlhe e e re dirafaletseng. Kana borraetsho ba kile ba fologela kwa Egepeto, ra nna teng sebaka se seleele, mme Baegepeto ba re direla bosula le borraarona. Ke fa re goela Moreneng, mme a utlwa selelo sa rona, a roma moengele, a re ntsha kwa Egepeto! Jaanong bona, re mono Kateše, motseng o o fa molelwaneng wa gago. Ka thapelo, nte re ralale lefatshe la gago; ga re ne re gata masimo gongwe masimo a moweine le e seng go nwa metsi a didiba, mme re tla tsamaya mo tseleng ya kgosi, re sa fapogele ntlheng ya le le jang le fa e le ya la molema go fitlhelela re be re tswe mo nageng ya gago.” Mme Baetomo ba mo fetola ba re: “O se ka wa ralala lefatshe la rona, re ka tla ra bolola, ra go kgatlhantsha ka tšhaka.” Baiseraele ba be ba ba raya ba re: “Re tla ralala fela ka tsela e kgolo, mme fa re ka nwa metsi a lona, le diruiwa tsa rona, re tla a lefa. Kana ga re batle sepe fa e se go ralala ka dinao fela.” Mme ba fetola ba re: “Lo se ka lwa ralala.” Ke fa Baetomo ba bolola go ba kgatlhantsha ka batlhabani ba bantsi le ka mabogo a a tlhometseng. Baetomo ba ne ba gana jalo go dumelela Baiseraele go ralala naga ya bone. Mme Baiseraele ba ba fapoga. Morago ga tseo phuthego yotlhe ya Baiseraele ya huduga kwa Kateše, ya ya go fitlha kwa thabeng ya Hore. Gona kwa thabeng ya Hore fa molelwaneng wa lefatshe la Baetomo Morena a raya Moše le Arone a re: “Jaanong Arone o na le go gorosiwa kwa morafeng wa ga gabo; gonne ga a ne a tsena kwa lefatsheng le ke le neileng Baiseraele, ka lo se ka lwa utlwa taelo ya me kwa Metsing a Komano. Tsaya Arone le Eleasare morwawe, o ba tlhatlosetse mo thabeng ya Hore. O be o apole Arone diaparo tsa gagwe, o di apese Eleasare morwawe. Arone o tla gorosiwa kwa go ba ga gabo, a swela teng.” Moše a dira jaaka Morena a mo laetse; ba tlhatlogela mo thabeng ya Hore mo matlhong a phuthego yotlhe. Moše a ba a apola Arone diaparo tsa gagwe, a di apesa Eleasare morwawe. Mme Arone a swela teng mo setlhoeng sa thaba. Moše le Eleasare ba be ba fologa mo thabeng. Ya re phuthego yotlhe e bona Arone a sule, ba lapa la ga Iseraele botlhe ba lelela Arone malatsi a le 30. E rile kgosi ya Arate ya Mokanana yo o neng a agile mo nageng ya borwa a utlwa go twe, Baiseraele ba tla ka tsela ya Atharime, a ya go tlhabana nabo, a tshwara bangwe ba bone, a ba golega. Ke fa Baiseraele ba ikanele Morena maikano ba re: “Fa o ka neela morafe oo mo diatleng tsa rona, re tla o nyeletsa le metse ya ona ka khutso ya gago.” Morena a utlwana le puo ya Baiseraele, a neela Bakanana bao mo diatleng tsa bone, mme ba ba nyeletsa le metse ya bone ka khutso ya Modimo. Felo foo ga tewa leina la Horema. Jaanong ba bothologa kwa thabeng ya Hore, ba ya kwa Lewatleng la Motlhaka go potologa lefatshe la Baetomo. Ke fa batho ba fela pelo mo tseleng. Batho ba be ba ngongoregela Modimo le Moše ba re: “Lo re ntsheditseng kwa Egepeto gore re swele mo sekakeng? Gonne fano ga go na dijo, ga go na metsi, re bile re tennwe ke dijo tsa Mmana tse di bosula.” Ke fa Morena a romela dinoga tse di bolayang mo morafeng, tsa loma batho, mme batho ba bantsi ba Baiseraele ba swa. Jaanong batho ba ya kwa go Moše ba re: “Re leofile, gonne re ngongoregetse Morena le wena. Rapela Morena gore a tlose dinoga mo go rona.” Moše a ba a rapelela morafe. Morena a raya Moše a re: “Dira noga, o e pege mo koteng; foo mongwe le mongwe yo o lomilweng, fa a e leba, o tla tshela.” Ke fa Moše a dira noga ya kgotlho, a e pega mo koteng. Mme e ne ya re fa noga e loma motho, mme a leba noga ya kgotlho, a tshele. Baiseraele ba be ba bothologa, ba ya ba thibelela kwa Obothe. Ba tloga kwa Obothe, ba ya ba thibelela kwa dithabeng tsa Iye-Abarime mo sekakeng se Bamoabe ba leng mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya sona. Go tloga foo ba etela pele, ba thibelela fa molatswaneng wa Serete. Ba be ba tloga teng, ba etela pele, ba thibelela kwa moseja ga noka ya Arenone e e mo sekakeng e tswa kwa nageng ya Baamori; gonne Arenone ke molelwane wa Bamoabe le Baamori. Ke ka moo go tweng mo lokwalong lwa Dintwa tsa Morena: “Wahebe mo Sufa le dinokana tsa Arenone, le kgokologo ya dinokana e e fologelang kwa motseng wa Are, e bapa le molelwane wa Moabe.” Go tswa teng ba ya kwa sedibeng. Ke sona sediba se Morena o buileng le Moše ka ga sona a re: “Kgobokanya morafe gore ke ba nee metsi.” Metlheng ele Baiseraele ba opela sefela se se reng: “Motswedi, phunyega mo sedibeng! O opeleleng! Ke sediba se dikgosana di se epileng, sa gabiwa ke batlotlegi ba morafe ka thobane ya bogosi le ka dikepu tsa bone!” Go tloga kwa sekakeng ba ya kwa Mathana. Ba tloga kwa Mathana, ba ya kwa Nahaliele; ba tloga kwa Nahaliele, ba ya kwa Bamothe; ba tloga kwa Bamothe, ba ya kwa molapong o o mo nageng ya Moabe kwa thabeng e kgolo ya Phiseka e e okameng sekaka se se senya. Jaanong Baiseraele ba roma barongwi kwa go Sihone, kgosi ya Baamori ba re: “Nte re ralale lefatshe la gago. Ga re nke re fapogela masimong gongwe masimong a moweine le e seng go nwa metsi a didiba; re tla tsamaya ka tsela ya kgosi go ya re be re fetse go ralala naga ya gago.” Mme Sihone a se ka a dumelela Baiseraele go ralala naga ya gagwe, mme a kgobokanya batlhabani botlhe ba gagwe, a bolola go kgatlhantsha Baiseraele kwa sekakeng; ya re a fitlha kwa Jahase, a tlhabana le Baiseraele. Mme Baiseraele ba mo fenya ka bogale jwa tšhaka, ba thopa lefatshe la gagwe go simolola fa nokeng ya Arenone go fitlha nokeng ya Jaboke le go fitlha kwa go Baamone; gonne molelwane wa Baamone o ne o le thata. Baiseraele ba thopa metse eo yotlhe; ba feta ba nna mo metseng yotlhe ya Baamori kwa Hešebone le mo metsaneng yotlhe ya teng. Gonne Hešebone e ne e le motse wa ga Sihone kgosi ya Baamori; ke ene yo o kileng a tlhabana le kgosi ya Moabe ya pele, a ntsha lefatshe lotlhe la yona mo seatleng sa yona go fitlha kwa nokeng ya Arenone. Ke ka moo baboki ba reng: “Tlayang kwa Hešebone. A motse wa ga Sihone o agiwe, o be o agelelwe. Gonne molelo o kile wa tswa kwa Hešebone, kgabo ya tswa mo motseng wa ga Sihone; wa ja Are, motse wa Bamoabe le beng ba dithota tsa Arenone. A tatlhego wee ya gago Moabe, o latlhegile, morafe wa modimo Kamose. Ona o tlhobogile bomorwaa-ona e le batshabi, le bomorwadia-ona ba le mo botshwarong jwa ga Sihone, kgosi ya Baamori. Jaanong ra ba hula; Hešebone a latlhega go fitlha kwa Dibone; ra fetola naga sekaka ka molelo go fitlha kwa Nofage le kwa Meteba.” Baiseraele ba nna jalo mo lefatsheng la Baamori. Moše a ba a roma banna go tlhola motse wa Jasere, mme Baiseraele ba o thopa le metsana ya ona, ba leleka Baamori ba teng. Ba be ba thelela, ba tlhatloga ka tsela e e yang kwa Basane. Ke fa Oge kgosi ya Basane a bolola go ba kgatlhantsha kwa Eterei, ene le batlhabani botlhe ba gagwe go tlhabana nabo. Mme Morena a raya Moše a re: “O se ka wa mmoifa, gonne ke mo neetse mo seatleng sa gago le batlhabani botlhe ba gagwe le lefatshe la gagwe gore o dire ka ene jaaka o dirile ka Sihone kgosi ya Baamori, yo o neng a agile kwa Hešebone.” Mme ba mmolaya le bomorwawe le batlhabani botlhe ba gagwe, a be a se ka a salelwa ke mofalodi ope; ba thopa lefatshe la gagwe jalo. Baiseraele ba be ba etela pele, ba thibelela mo mabaleng a Moabe kwa moseja ga Joretane go lebagana le Jerigo. Jaanong e rile Balake morwa Siphore, kgosi ya Moabe, a sena go bona tsotlhe tse Baiseraele ba di diretseng Baamori, Bamoabe ba boifa morafe wa Iseraele thata, ka o le mogolo; ba tlalelwa ka ntlha ya Baiseraele. Bamoabe ba raya bagolo ba Midiane ba re: “Jaanong bontsi jo, bo tla ja tsotlhe tse di mo tikologong ya rona jaaka dikgomo di fula bojang jwa naga.” Mme Balake morwa Siphore e ne e le kgosi ya Moabe ka sebaka seo. Ene a roma barongwi kwa go Bileame morwa Beore kwa Phethore yo o fa nokeng ya Ferathe, lefatsheng la ga gabo gore ba ye go mmitsa ba re: “Bona, morafe o dule kwa Egepeto, jaanong o farafarile lefatshe lotlhe, o thibeletse go lebagana le nna. Jaanong he, a ko o tle, o nkhutsetse morafe oo, gonne o thata bogolo go nna; ka gongwe nka kgona go o fenya le go o leleka mo lefatsheng. Gonne ke itse gore yo ò mo tshegofatsang o tshegofaditswe, mme yo ò mo hutsang o hutsitswe.” Bagolo ba Moabe le bagolo ba Midiane ba ya teng, ba tshotse tuelo ya boitseanape, ba fitlha kwa go Bileame, ba mmolelela mafoko a ga Balake. A ba raya a re: “Lalang mono bosigo jono. Ke tla tsoga ke lo itsise ka fa Morena a tla ntaelang ka teng.” Dikgosana tsa Moabe tsa nna fa go Bileame. Jaanong bosigo Modimo wa tla kwa go Bileame, wa mmotsa wa re: “Banna ba o nang nabo ke bomang?” Bileame a araba Modimo a re: “Balake morwa Siphore, kgosi ya Moabe, o ba romile kwano go nna a re: ‘Bona, morafe o dule kwa Egepeto, o tletse ka lefatshe lotlhe. Jaanong he, tlaya o ba nkhutsetse; ka gongwe foo nka kgona go tlhabana nabo le go ba leleka.’ ” Mme Modimo wa fetola Bileame wa re: “O se ka wa ya nabo; le gona o se ka wa hutsa morafe oo; gonne o tshegofaditswe.” Mo mosong Bileame a tsoga, a raya dikgosana tsa ga Balake a re: “Boelang kwa gae; gonne Morena o ganne go ntumelela go ka ya le lona.” Dikgosana tsa Moabe tsa nanoga, tsa fitlha kwa go Balake tsa re: “Bileame o ganne go tla le rona.” Ke fa Balake a roma dikgosana gape tse di neng di feta tsele ka bontsi le ka tlotlego. Ya re di fitlha kwa go Bileame, tsa mo raya tsa re: “Balake morwa Siphore o bua jaana a re: ‘A ko o se thibelwe ke sepe go tla go nna. Gonne ke tla go tlotla thata thata, ke dira tsotlhe tse o di batlang; ka moo he a ko o tle, o nkhutsetse morafe oo.’ ” Bileame a ba fetola, a raya batlhanka ba ga Balake a re: “Le fa Balake a ka nnaya selefera le gouta tse di tletseng mo ntlong ya gagwe, ga nka ke ka kgona go tlola taelo ya Morena, Modimo wa me, go dira tse dinnye gongwe tse dikgolo. Jaanong he, le lona a ko lo nne mono bosigo jono, ke tle ke itse se Morena o tla boelang a se bua gape le nna.” Mme Modimo wa tla kwa go Bileame bosigo, wa mo raya wa re: “Fa banna bao ba tsile go go bitsa, nanoga o ye nabo, mme o dire fela se ke tla se go laelang.” Mo mosong Bileame a tsoga, a belesa esele e namagadi ya gagwe, a ya le dikgosana tsa Moabe. Fela bogale jwa Modimo jwa tuka, ka a tsamaya, mme moengele wa Morena a ikemisa mo tseleng go nna moganetsi wa gagwe, Bileame a ntse a palame esele ya gagwe, a na le badiredi ba le babedi. Jaanong ya re esele e bona moengele wa Morena a eme mo tseleng, a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng, ya fapoga mo tseleng, ya tsamaya mo nageng, mme Bileame a e itaya go e busetsa mo tseleng. Jaanong moengele wa Morena a ema mo tseleng ya masimo a moweine e e sefero, go le dipota mo ntlheng tsoo pedi. Ya re esele e bona moengele wa Morena, ya iphaphata le lobota, ya tšhwetla lonao lwa ga Bileame fa loboteng, mme a e itaya gape. Moengele wa Morena a boela a fetela pele, a ema felong fa go pitlaganyeng fa go se nang manno teng go ka sutela ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema. Jaanong ya re esele e bona moengele wa Morena, ya robala ka Bileame. Ke fa Bileame a tuka bogale, a e itaya ka thobane. Mme Morena a bula esele molomo, ya botsa Bileame ya re: “Ke go diretseng, fa o ntse o ntitaya, jaanong e le la boraro?” Bileame a fetola esele a re: “Ke ka gonne o tshamekile ka nna. Fa nka bo ke tshotse tšhaka, nka bo ke setse ke go bolaile.” Esele ya raya Bileame ya re: “A ga ke esele ya gago e o e palamang ka gale go fitlha letsatsing leno? A nkile ka leka go go direla jalo?” A re: “Nnyaya!” Ke fa Morena a budulola Bileame matlho, mme a bona moengele wa Morena a eme mo tseleng a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng, a inama, a ikobela fa fatshe ka sefatlhego. Moengele wa Morena a mmotsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o sa le o tla o itaya esele ya gago e setse e le gararo? Bona, ke bolotse go nna moganetsi wa gago; gonne leeto la gago le a nkgopisa. Esele yona e mponye, ya mphapogela gararo; fa e ka bo e se ka ya mphapogela, foo nka bo ke sa bolo go go bolaya, yona ka e lesa go phela.” Ke fa Bileame a raya moengele wa Morena a re: “Ke leofile ka gonne ke ne ke sa itse, fa o ne o eme mo tseleng go nthibela. Jaanong he, fa go le bosula mo matlhong a gago, nte ke boe.” Mme moengele wa Morena a raya Bileame a re: “Yaya le banna bao, fela o se ka wa bua lefoko lepe fa e se le ke tla le go laelang.” Bileame a ya jalo le dikgosana tsa ga Balake. E rile Balake a utlwa go twe Bileame o e tla, a bolola go ya go mo kgatlhantsha kwa motseng wa Moabe o o fa molelwaneng wa Arenone kwa naga ya Moabe e felelang teng. Jaanong Balake a raya Bileame a re: “Ke ga kae ke roma batho go go bitsa? Ke eng, fa o gana go tla kwano go nna? A tota ke ka palelwa ke go go tlotla?” Bileame a araba Balake a re: “Ke fano, ke tsile go wena. Jaanong ga go na sepe se nka se buang. Ke tshwanetse go bua mafoko a Modimo o tla a tsenyang mo molomong wa me.” Bileame a ba a ya le Balake, ba fitlha kwa Khiriathe-Husothe. Balake a ba a dira ditlhabelo tsa dikgomo le tsa difutshane, a romela Bileame le dikgosana tse di nang nae dinama tsa teng. Mme mo mosong Balake a tsaya Bileame, a mo tlhatlosetsa kwa dithoteng tsa ga Baale; ya re a le teng, a bona mathoko a morafe wa Iseraele. Jaanong Bileame a raya Balake a re: “Nkagele dialetare di supa fa, o be o ntlhaolele dipoo di supa le diphelehu di supa, di tle kwano.” Balake a dira jaaka Bileame a buile, mme Balake le Bileame ba tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe. Bileame a ba a raya Balake a re: “Sala o eme fa setlhabelong sa phiso sa gago, ke rata go ya fale. Go gongwe Morena o tla kgatlhana le nna. Mme se o tla se mpontshang ke tla se go itsise.” A ba a ya kwa thoteng e e iphotlhereng go botsa Modimo. Mme Modimo wa kgatlhana le Bileame, mme a o raya a re: “Ke baakantse dialetare di supa, ka tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe.” Jaanong Morena a tsenya lefoko mo molomong wa ga Bileame a re: “Boela kwa go Balake o bue jaana.” A ba a boela kwa go ene, a fitlhela a ntse a eme fa setlhabelong sa gagwe sa phiso, a na le dikgosana tsotlhe tsa Moabe. Ke fa Bileame a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Balake o romile go ntsaya kwa Siria, kgosi ya Moabe ya mpitsa ke le kwa dithabeng tsa botlhabatsatsi ya re: ‘Tlaya o nkhutsetse Jakobe, tlaya o roge Iseraele!’ Nka hutsa jang yo Modimo o sa mo hutseng? Nka roga jang yo Morena a sa mo rogeng? Gonne ke a o bona ke le mo makgotlhong a dithaba, ke o lebile ke le mo dithoteng, ke fitlhela e le morafe o o tla agang o le osi, o sa itlhakanye le merafe ya baheitane. Ke mang yo o ka balang lerole la ga Jakobe le palo ya karolo ya bone ya Iseraele? A ke swe loso lwa batlhamaladi! A bokhutlo jwa me bo nne jaaka jwa bone!” Ke fa Balake a raya Bileame a re: “O ntiretseng jaanong? Ke go biditse gore o tle go hutsa baba ba me, mme ruri o ba tshegofaditse tota.” A fetola a re: “A ga ke a tshwanela go tlhokomela gore ke bue se Morena o se tsenyang mo molomong wa me?” Mme Balake a mo raya a re: “A ko o tle le nna kwa felong go sele, kwa o tla bonang morafe re le teng; o tla bona mathoko a ona fela, o sa bone bontsi jotlhe jwa ona; o o nkhutsetse re le teng.” Jaanong a mo isa kwa Felong ga Batlhodi kwa setlhoeng sa thaba ya Phiseka; a ba a aga dialetare di supa teng, a tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe. Mme Bileame a raya Balake a re: “Sala o eme fano fa setlhabelong sa gago sa phiso, ke sa ntse ke ya go kgatlhana le Modimo fale.” Ke fa Morena a kgatlhana le Bileame, a tsenya lefoko mo molomong wa gagwe a re: “Boela kwa go Balake o bue jaana.” A fitlha kwa go ene, a fitlhela a ntse a eme fa setlhabelong sa gagwe sa phiso a na le dikgosana tsa Moabe. Jaanong Balake a mmotsa a re: “Morena o rileng?” A ba a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Nanoga, Balake, o utlwe; ntheetse, morwa Siphore! Modimo ga se motho mo o ka akang, le e seng morwa motho mo o ka ikwatlhayang. A o kile wa bua sengwe, mme wa se ka wa se dira? Kampo a o ka solofetsa sengwe. Mme wa se ka wa se dirafatsa? Bona, ke laetswe go tshegofatsa; Modimo o tshegofaditse, ke palelwa ke go fetola: Ga go bonwe tatlhego mo go Jakobe, ga go fitlhelwe tapisego mo go Iseraele. Morena Modimo wa gagwe o na nae; go dudueletsa kgosi go teng mo go ene. Modimo o o ba ntshitseng kwa Egepeto o tshwana le dinaka tsa nare mo go bone. Gonne ga go na botlhodi jo bo ka kgonang Jakobe, ga go na boitseanape jo bo ka senyetsang Iseraele. Ka nako ya teng go tla bolelelwa Jakobe, e bong Iseraele se Modimo o se dirileng. Bona, morafe! O tla tsoga jaaka tau e namagadi, o itsosa jaaka tau; ga o kitla o robala o ise o je thopo, o ise o nwe madi a ba ba phololeditsweng.” Ke fa Balake a raya Bileame a re: “Fa e le go hutsa, o se o hutse, le fa e le go tshegofatsa, o se o tshegofatse!” Bileame a fetola, a raya Balake a re: “A ga ke a go raya ka re: ‘Tsotlhe tse Morena o di buang ke tsona tse ke tla di dirang.’ ” Balake a ba a raya Bileame a re: “A ko o tle, ke tla go isa kwa felong go sele. Ka gongwe go tla bo go siame mo matlhong a Modimo gore o o nkhutsetse re le teng.” Jaanong Balake a isa Bileame kwa setlhoeng sa thaba ya Pheore e e okameng sekaka. Bileame a ba a raya Balake a re: “Nkagele dialetare di supa fa, o ntlhaolele dipoo di supa le diphelehu di supa, di tle kwano.” Balake a dira jaaka Bileame a buile; a ba a tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe. Jaanong e rile Bileame a bona, fa go kgatlha Morena go tshegofatsa Iseraele, a se ka a ya go dirisa tsa botlhodi jaaka pele, mme a lebisa sefatlhego sa gagwe kwa sekakeng. Bileame a tsholetsa matlho, a bona Baiseraele ba thibeletse ka fa ditsong tsa bone. Ke fa Mowa wa Modimo o tla mo go ene, mme a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Go bua Bileame morwa Beore, go bua monna yo o budulogileng matlho; go bua yo o utlwang mafoko a Modimo, yo o a tleng a bone tshenolo ya Mong-wa-thata-yotlhe, a wetse fa fatshe a budulogile matlho, a re: Di dintle jang ne, ditente tsa gago, Jakobe, le meago ya gago, Iseraele! Di tshwana le melapo e e anameng le masimo a a fa nokeng le mekgwaphana e e jwetsweng ke Morena le mesetere e e fa metsing. Metsi a tla ela a tswa mo dinkgong tsa bone; dijwalo tsa bone di fa metsing a mantsi; kgosi ya bone e tla gaisa Agage; bogosi jwa bone bo tla tlotlomala. Modimo o ba ntshitse kwa Egepeto, o tshwana le dinaka tsa nare mo go bone. Ba tla nyeletsa baheitane, baba ba bone, le go ba roba marapo, ba ba tlhabaka ka metsu ya bone. Ba robala, ba itaetse jaaka tau le jaaka tau e namagadi; ke mang yo o ka ba tsosang? Yo o go tshegofatsang, Iseraele, o tshegofaditswe; yo o go hutsang o hutsitswe.” Ya ba gona Balake a tukelang Bileame bogale, a ithwala megono. Balake a raya Bileame a re: “Ke go biditse gore o hutse baba ba me, mme bona, o setse o ba tshegofaditse gararo. Jaanong he, tshabela kwa ga eno. Ke ne ke re, ke tla go tlotla thata, mme bona, Morena o go thibetse gore o se bone tlotlo.” Bileame a araba Balake a re: “Kana le barongwi ba o ba romileng kwa go nna ke ba reile ka re: ‘Le fa Balake a ka nnaya selefera le gouta tse di tletseng mo ntlong ya gagwe, ga nka ke ka kgona go tlola taelo ya Morena go dira tse di molemo gongwe tse di bosula ka bogaka. Se Morena o se buang ke sona se ke tshwanetseng go se bua.’ “Mme jaanong, bona, ke boela kwa morafeng wa ga etsho. Tlaa he, ke tla go senolela tse morafe oo o tla di direlang morafe wa gago mo metlheng ya bofelo.” A ba a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Go bua Bileame morwa Beore, go bua monna yo o budulogileng matlho; go bua yo o utlwang mafoko a Modimo, yo o itseng tsa kitso ya Mogodimodimo, yo o bonang tshenolo ya Mong-wa-thata-yotlhe, a wetse fa fatshe, a budulogile matlho, a re: Ke a mmona, mme e seng jaanong, ke mo lebile, mme ga a gaufi. Naledi e bonala e tswa mo go Jakobe, thobane ya bogosi e tsoga e tswa mo go Iseraele. O tla tšhwetla ditlhogo tsa Moabe, a diga beng ba moferefere botlhe. Le Etomo e tla nna boswa jwa gagwe le Seire, baba ba gagwe, e tla nna kabelo ya gagwe, mme Iseraele o tla thatafala. Oora Jakobe o tla busa, a nyeletsa bafalodi ba metse.” Ya re a bona Baamaleke a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Baamaleke ke ba pele ba baheitane, mme bokhutlo jwa bone ke go ya tatlhegong.” Ya re a bona Bakeni, a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Kago ya gago e tiile, sentlhaga sa gago se agilwe mo lefikeng. Le fa go ntse jalo Kaine o na le go nyelediwa. E tla nna leng, fa Baasiria ba go isa mo botshwarong?” A ba a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “A tatlhego wee! Go tla falola mang, fa Modimo o dirafatsa tseo? Dikepe di tla tswa ntlheng ya Bakhithime, beng ba tsona ba tla gatelela Baasiria, ba gatelela boora Ebere, mme le bona ba tla ya tatlhegong.” Jaanong Bileame a nanoga, a tsamaya, a boela kwa ga gabo. Le Balake a tsamaya ka tsela ya gagwe. E rile Baiseraele ba ntse ba le kwa Sitime, batho ba simolola go dira boaka le bomorwadia Moabe; bone ba laletsa batho go tla ditlhabelong tsa medimo ya bone, mme batho ba a ja, ba obamela medimo ya bone. Jaanong ya re Baiseraele ba ineela Baale-Pheore jalo, Morena a ba tukela bogale. Morena a ba a raya Moše a re: “Tsaya bagolo botlhe ba morafe, lo kaleletse Morena ba ba molato mo mogoteng wa letsatsi gore bogale jo bo tukang jwa Morena bo tle bo tloge mo Baiseraeleng.” Jaanong Moše a raya baatlhodi ba Iseraele a re: “A mongwe le mongwe wa lona a bolae banna ba ga gabo ba ba ineetseng Baale-Pheore.” A sa ntse a re jalo, ga tla monna wa Moiseraele, a tlisa mosadi wa Momidiane kwa go ba ga gabo mo matlhong a ga Moše le mo matlhong a phuthego yotlhe ya Baiseraele, ba ba neng ba lela kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho. Ya re Phinehase morwa Eleasare, morwa moperesiti Arone, a bona jalo, a nanoga mo phuthegong, a tsaya lerumo ka seatla; a latela monna wa Moiseraele kwa ntlwaneng ya borobalo, a ba phololetsa ka bobedi jwa bone, monna wa Moiseraele le mosadi, mo dimpeng tsa bone. Petso ya thibelwa jalo, ya tlosiwa mo Baiseraeleng. Ba ba neng ba sule ka petso eo ba ne ba le 24 000. Morena a ba a raya Moše a re: “Phinehase morwa Eleasare morwa moperesiti Arone, o tlositse bogale jwa me mo Baiseraeleng ka go dira petso ya lefufa la me mo gare ga bone gore ke se ka ka fedisa Baiseraele ka lone. Ke ka moo ke reng: ‘Bona, ke tla mo naya kgolagano ya me ya kagiso. Kgolagano ya boperesiti jwa metlha yotlhe e tla nna ya gagwe le ya losika lwa gagwe sehularong sa gagwe, ka a ne a tlhoafalela Modimo wa gagwe, a direla Baiseraele thuanyo.’ ” Leina la monna wa Moiseraele yo o bolailweng le mosadi wa Momidiane e ne e le Simeri morwa Salo, mogogi wa kgotla nngwe ya Basimeone. Leina la mosadi wa Momidiane yo o bolailweng e ne e le Khosebi morwadia Sure, tlhogo ya kgoro nngwe mo go Bamidiane. Morena a ba a raya Moše a re: “Ilang Bamidiane, lo ba bolae! Gonne ba lo diretse jaaka baba ka bolotsana jwa bone, fa ba lo obamedisa Baale-Pheore, le ka go lo raela ka Khosebi morwadia kgosana ya Bamidiane, kgaitsadia-bone yo o bolailweng ka letsatsi la petso ka ntlha ya ga Baale-Pheore.” Morago ga petso Morena a raya Moše le Eleasare morwa moperesiti Arone, a re: “Tsayang palo e e tletseng ya phuthego yotlhe ya Baiseraele go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone ka fa dikgotleng tsa bone, e bong botlhe ba ba ka bololang ka mephato ya Baiseraele.” Ke fa Moše le Eleasare, moperesiti, ba ba laela kwa mabaleng a Moabe fa nokeng ya Joretane go lebagana le Jerigo gore ba balwe go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone jaaka Morena a laetse Moše. Baiseraele ba ba tswang kwa Egepeto ke ba: Ke Rubene morwa Iseraele wa ntlha. Bomorwa Rubene ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Henoge lwa boora Henoge le losika lwa ga Phalo lwa boora Phalo le losika lwa ga Heserone lwa boora Heserone le losika lwa ga Karemi lwa boora Karemi. Ke tsona ditshika tsa Barubene. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 43 730. Oora Phalo ke Eliabe. Bomorwa Eliabe ke Nemuele le Dathane le Abirame. Ke bone Dathane le Abirame ba ba neng ba bileditswe mo lekgotleng la phuthego, ba ba neng ba rukhutlhegela Moše le Arone ba le mo lekokong la ga Kora, jale fa ba rukhutlhegela Morena. Mme lefatshe la atlhamisa molomo wa lone, la ba metsa mmogo le Kora, jale fa lekoko leo le swa, ka molelo o ne o ja banna ba le 250, ba nna sekao se se tlhagisang. Mme bomorwa Kora ba se ka ba swa nabo. Bomorwa Simeone ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Nemuele lwa boora Nemuele le losika lwa ga Jamine lwa boora Jamine le losika lwa ga Jagine lwa boora Jagine le losika lwa ga Sera lwa boora Sera le losika lwa ga Saule lwa boora Saule. Ke tsona ditshika tsa Basimeone. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 22 200. Bomorwa Gate ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Sefone lwa boora Sefone le losika lwa ga Haki lwa boora Haki le losika lwa ga Suni lwa boora Suni, le losika lwa ga Oseni lwa boora Oseni le losika lwa ga Eri lwa boora Eri le losika lwa ga Arote lwa boora Arote le losika lwa ga Aredi lwa boora Aredi. Ke tsona ditshika tsa Bagate. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 40 500. Bomorwa Juta ke Ere le Onane. Mme Ere le Onane ba sa le ba swela kwa lefatsheng la Kanana. Bomorwa Juta ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Sela lwa boora Sela le losika lwa ga Pherese lwa boora Pherese le losika lwa ga Sera lwa boora Sera. Boora Pherese ke losika lwa ga Heserone lwa boora Heserone le losika lwa ga Hamule lwa boora Hamule. Ke tsona ditshika tsa Bajuta. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 76 500. Bomorwa Isašare ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Thola lwa boora Thola le losika lwa ga Phuwa lwa boora Phuwa le losika lwa ga Jašube lwa boora Jašube le losika lwa ga Simerone lwa boora Simerone. Ke tsona ditshika tsa Baisašare. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 64 300. Bomorwa Sebulone ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Serete lwa boora Serete le losika lwa ga Elone lwa boora Elone le losika lwa ga Jahalele lwa boora Jahalele. Ke tsona ditshika tsa Basebulone. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 60 500. Bomorwa Josefa ke Manase le Eferaime. Bomorwa Manase ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Magire lwa boora Magire. Magire a tsala Gileate. Gape ke losika lwa ga Gileate lwa boora Gileate. Boora Gileate ke ba: Ke losika lwa ga Jesere lwa boora Jesere le losika lwa ga Heleke lwa boora Heleke le losika lwa ga Aseriele lwa boora Aseriele le losika lwa ga Šegeme lwa boora Šegeme le losika lwa ga Semita lwa boora Semita le losika lwa ga Hefere lwa boora Hefere. Mme Selofehate morwa Hefere o ne a se na bomorwa, fa e se bomorwadi fela. Maina a bomorwadia Selofehate e ne e le Magala le Noa le Hogola le Mileka le Thiresa. Ke tsona ditshika tsa Bamanase. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 52 700. Bomorwa Eferaime ka fa ditshikeng tsa bone ke ba: Ke losika lwa ga Suthela lwa boora Suthela le losika lwa ga Begere lwa boora Begere le losika lwa ga Thahane lwa boora Thahane. Boora Suthela ke ba: Ke losika lwa ga Erane lwa boora Erane. Ke tsona ditshika tsa Baeferaime. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 32 500. Ke bone bomorwa Josefa ka fa ditshikeng tsa bone. Bomorwa Benyamene ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Bela lwa boora Bela le losika lwa ga Asebele lwa boora Asebele le losika lwa ga Ahirame lwa boora Ahirame le losika lwa ga Sefufame lwa boora Sefufame le losika lwa ga Hufame lwa boora Hufame. Bomorwa Bela e ne e le Arete le Naamane. Losika lwa ga Arete ke boora Arete. Losika lwa ga Naamane ke boora Naamane. Ke bone bomorwa Benyamene ka fa ditshikeng tsa bone. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 45 600. Bomorwa Dane ka fa ditshikeng tsa bone ke ba: Ke losika lwa ga Suhame lwa boora Suhame. Ke tsona ditshika tsa Badane ka fa ditshikeng tsa bone. Ditshika tsotlhe tsa boora Suhame – ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 64 400. Bomorwa Asere ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Imena lwa boora Imena le losika lwa ga Iswi lwa boora Iswi le losika lwa ga Beria lwa boora Beria. Ba bomorwa Beria ke losika lwa ga Hebere lwa boora Hebere le losika lwa ga Malekhiele lwa boora Malekhiele. Leina la morwadia Asere e ne e le Sera. Ke tsona ditshika tsa Baasere. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 53 400. Bomorwa Nafetale ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Jahaseele lwa boora Jahaseele le losika lwa ga Guni lwa boora Guni le losika lwa ga Jesere lwa boora Jesere le losika lwa ga Sileme lwa boora Sileme. Ke tsona ditshika tsa Banafetale ka fa ditshikeng tsa bone. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 45 400. Ba ba badilweng ba Baiseraele ke ba le 601 400. Morena a ba a raya Moše a re: “Ke bao ba tshwanetsweng go kgaoganngwa lefatshe go nna boswa ka fa palong ya maina. Ba bantsi o ba nee naga e kgolo, ba ba seng bantsi o ba nee naga e nnye. Lotso longwe le longwe lo newe boswa jwa lone ka fa palong ya ba ba badilweng ba lone. Fela a lefatshe le kgaoganngwe ka tengwa. A ba rue ka fa maineng a ditso tsa borraabo. A boswa jwa bone bo kgaoganngwe ka tengwa fa gare ga ba bantsi le ba ba seng bantsi.” Ba ba badilweng ba Balefi ka fa ditshikeng tsa bone ke ba: Ke losika lwa ga Geresone lwa boora Geresone le losika lwa ga Kahathe lwa boora Kahathe le losika lwa ga Merari lwa boora Merari. Ditshika tsa Balefi ke tse: Ke losika lwa ga Lebeni le losika lwa ga Heberone le losika lwa ga Magedi le losika lwa ga Muši le losika lwa ga Kora. Kahathe a tsala Amerame. Leina la mosadi wa ga Amerame ke Jogebete oora Lefi, yo mmaagwe a mo tsholetseng Lefi kwa Egepeto; ene a tshola le Amerame Arone le Moše le Miriame, kgaitsadia-bone. Bomorwa Arone ke Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare. Mme Natabe le Abihu ba ne ba swa, fa ba tlisa molelo o sele fa pele ga Morena. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 23 000, e le ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi le bomogoloa-bone. Gonne ba ne ba sa balelwa mmogo le Baiseraele ba bangwe, ka ba se ka ba newa boswa mo gare ga Baiseraele. Ke bone ba ba badilweng ke Moše le Eleasare moperesiti ba ba badileng Baiseraele kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo. Mo go bao go ne go se ope wa Baiseraele ba ba badilweng ke Moše le Arone moperesiti kwa sekakeng sa Sinai. Gonne Morena o ne a ba reile a re, ba tshwanetse go swela mo sekakeng. Ga se ka ga sala ope wa bone fa e se Kalebe morwa Jefune le Jošua morwa Nune. Ga ba ga atamela bomorwadia Selofehate, morwa Hefere, morwa Gileate, morwa Magire, morwa Manase, boora Manase, morwa Josefa; maina a bomorwadie e ne e le Magala le Noa le Hogola le Mileka le Thiresa; Ba tla ba ema fa pele ga Moše le fa pele ga Eleasare, moperesiti, le fa pele ga bagolo le phuthego yotlhe kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, ba re: “Rraarona o swetse kwa sekakeng, mme o ne a se mo lekokong la ba ba utlwanyeng go lwa le Morena mo lekokong la ga Kora, mme o sule ka ntlha ya maleo a gagwe, a se na bomorwa. Jaanong leina la ga rraarona le tla tlosediwang mo losikeng lwa gagwe, ka a ne a se na morwa? Bogolo re neeng boswa jwa naga mo gare ga bomorwa rraetsho mogolo.” Moše a isa kgang ya tshiamisetso ya bone fa pele ga Morena. Morena a raya Moše a re: “Bomorwadia Selofehate ba bua nnete. Ke tshwanelo gore o ba nee boswa jwa naga mo gare ga bomorwa-rraabo-mogolo, ba je boswa jwa ga rraabo. Mme Baiseraele o ba ree o re: ‘Fa monna a swa, a se na morwa, lo nee morwadie boswa jwa gagwe. Fa a se na morwadi, lo nee bomorwa-rraagwe boswa jwa gagwe. Fa a se na bomorwa-rraagwe, foo boswa jwa gagwe lo bo nee bomorwa-rraagwe-mogolo. Fa a se na bomorwa-rraagwe-mogolo, foo boswa jwa gagwe lo bo nee yo o gaufi nae ka madi wa losika lwa gagwe gore a bo rue? – A seo se e nne tshiamiso ya molao mo Baiseraeleng jaaka Morena a laetse Moše.’ ” Morena a ba a raya Moše a re: “Tlhatlogela mo dithabeng tse tsa Abarime, o bone lefatshe le ke le neileng Baiseraele. E tla re o sena go le bona, le wena o gorosiwe kwa morafeng wa gago jaaka Arone mogoloo a gorositswe teng, ka lo ne lwa fapoga taelo ya me kwa sekakeng sa Tsine, fa phuthego e lwa, lwa se ka lwa intshepisa fa metsing mo matlhong a bone. Ke raya ona Metsi a Komano a kwa Kateše sekakeng sa Tsine.” Mme Moše a raya Morena a re: “A Morena Modimo wa mewa ya nama yotlhe a ke a bee monna go nna mookamedi wa phuthego e, yo o ka ba etelelang pele, fa ba bolola le fa ba goroga, yo o tla ba bolotsang, a ba a ba gorosa gore phuthego ya Morena e se nne jaaka letsomane le le se nang modisa.” Morena a raya Moše a re: “Tsaya Jošua morwa Nune; ke monna yo Mowa o leng mo go ene, o mmee seatla, o be o mo emise fa pele ga Eleasare moperesiti le fa pele ga phuthego yotlhe, o mo laye mo matlhong a bone. Le gona o bee karolo ya bogolo jwa gago mo go ene gore phuthego yotlhe ya Baiseraele e mo utlwe. A a eme fa pele ga Eleasare moperesiti gore ene a mo kopele katlholo ya Morena ka tengwa ya Lesedi. A ba bolole ka fa taelong ya gagwe, ba be ba goroge ka fa taelong ya gagwe, ene le phuthego yotlhe ya Baiseraele.” Moše a dira jaaka Morena a mo laetse; a tsaya Jošua, a mo emisa fa pele ga Eleasare moperesiti le fa pele ga phuthego yotlhe, a mmaya diatla, a mo laya jaaka Morena a mo laetse. Morena a ba a raya Moše a re: “Laela Baiseraele o ba ree o re: ‘Tlhokomelang tshupelo ya me le dijo tsa melelo ya me gore lo di ntsisetse ka nako ya tsona, ka e le monko o o monate mo go nna.’ “O be o ba ree o re: ‘Setlhabelo sa molelo se lo tshwanetseng go se isetsa Morena ke se: Ke dikwana di le pedi tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole ka letsatsi lengwe le lengwe, e nne setlhabelo sa phiso sa ka gale. Kwana nngwe o e baakanye mo mosong, ya bobedi o e baakanye maitsiboa mmogo le karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta e le tshupelo ya dijo, bo dubilwe ka karolo ya bone ya hina ya lookwane lwa diolefa tse di thugilweng. Ke sona setlhabelo sa phiso sa ka gale, se se tlhomamisitsweng kwa thabeng ya Sinai go nna monko o o monate wa molelo wa Morena le tshupelo ya noo ya teng; ke karolo ya bone ya hina ya weine ya kwana nngwe le nngwe. O tshololele Morena tshupelo ya noo ya weine mo Felong-ga-Boitshepo. Kwana ya bobedi o e baakanye maitsiboa; tshupelo ya dijo le tshupelo ya noo ya teng o di dire jaaka mo mosong go nna tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng. “ ‘Mme ka letsatsi la Sabata e nne dikwana di le pedi tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole mmogo le tshupelo ya dijo ya dikarolo di le pedi tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane le tshupelo ya noo ya teng. Ke sona setlhabelo sa phiso sa Sabata nngwe le nngwe mmogo le setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya noo ya sona. “ ‘Ka malatsi a ntlha a dikgwedi tsa lona lo isetse Morena setlhabelo sa phiso sa dipoana di le pedi le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole le tshupelo ya dijo ya dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane, mmogo le poana nngwe le nngwe, le tshupelo ya dijo ya dikarolo di le pedi tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane, mmogo le phelehu le tshupelo ya dijo ya karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane, mmogo le kwana nngwe le nngwe. Ke setlhabelo sa phiso sa monko o o monate le tshupelo ya molelo ya Morena. Ditshupelo tsa noo tsa tsona e nne bontlhanngwe jwa hina ya weine mmogo le poana nngwe le nngwe le karolo ya boraro ya hina mmogo le phelehu le karolo ya bone ya hina mmogo le kwana nngwe le nngwe. Ke sona setlhabelo sa phiso sa malatsi otlhe a ngwedi o o rogilweng, mo dikgweding tsa ngwaga. Le gona a go direlwe Morena setlhabelo sa boleo sa phoko e le nngwe mmogo le setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya noo ya teng. “ ‘Letsatsi la 14 la kgwedi ya ntlha ke la Tlolaganyo ya Morena. Ka letsatsi la 15 la kgwedi eo go Moletlo. A go jewe dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa. Ka letsatsi la ntlha go nne kgobokano kwa Felong-ga-Boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone, mme lo isetse Morena setlhabelo sa molelo, e bong sa phiso sa dipoana di le pedi le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe; e nne tse di se nang bogole tsa lona, mmogo le tshupelo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane: Lo dire tshupelo ya dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa le poana le dikarolo di le pedi tsa lesome le phelehu. O be o dire tshupelo ya karolo ya some le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa le setlhabelo sa boleo sa phoko e le nngwe gore lo direlwe thuanyo. Tseo lo di baakanye kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa mo mosong se e leng setlhabelo sa phiso sa ka gale. Lo di baakanye ka letsatsi lengwe le lengwe ka mokgwa oo malatsi a supa, e le dijo tsa ditlhabelo tsa molelo tsa monko o o monate mo Moreneng; di dirwe mmogo le setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya noo ya sone. Le ka letsatsi la bosupa lo nne le kgobokano kwa Felong-ga-Boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone. “ ‘Gape ka letsatsi la mabutswapele, fa lo isetsa Morena tshupelo ya mabele a mašwa ka Moletlo wa dibeke wa lona, lo nne le kgobokano e e boitshepo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone. Lo isetse Morena setlhabelo sa phiso sa monko o o monate sa dipoana di le pedi le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe; e nne tsa lona tse di se nang bogole, mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana nngwe le nngwe le dikarolo di le pedi tsa lesome mmogo le phelehu le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa le setlhabelo sa boleo sa phoko e le nngwe gore lo direlwe thuanyo. Lo di baakanye jalo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le ditshupelo tsa noo tsa tsona. “ ‘Le ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa lo nne le kgobokano e e boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone; a e nne letsatsi la tumo ya diphala mo go lona. Lo direle Morena setlhabelo sa phiso sa monko o o monate sa poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole, mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana le dikarolo di le pedi tsa lesome mmogo le phelehu, le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa le setlhabelo sa boleo sa phoko e le nngwe gore lo direlwe thuanyo, kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa kgwedi le tshupelo ya dijo ya teng le kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le ditshupelo tsa noo tsa tsona jaaka di tshwanetse, go nna tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng. “ ‘Le ka letsatsi la lesome la kgwedi ya bosupa eo lo nne le kgobokano kwa Felong-ga-Boitshepo, lo itshôlê; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone. Mme lo isetse Morena setlhabelo sa phiso sa monko o o monate sa poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe; a e nne tsa lona tse di se nang bogole; mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana le dikarolo di le pedi tsa lesome le phelehu le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa boleo sa letsatsi leo la thuanyo le sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya sona le ditshupelo tsa noo tsa tsona. “ ‘Le ka letsatsi la 15 la kgwedi eo ya bosupa lo nne le kgobokano e e boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone, mme lo direle Morena Moletlo malatsi a supa. Lo isetseng Morena setlhabelo sa phiso, setlhabelo sa molelo sa monko o o monate, e bong dipoana di le 13 le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe; a e nne tse di se nang bogole; mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana nngwe le nngwe ya dipoana di le 13 le dikarolo di le pedi tsa lesome le phelehu nngwe le nngwe ya diphelehu tse pedi; le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di le 14 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng. “ ‘Ka letsatsi la bobedi lo tlhabeleng dipoana di le 12 le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse, le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya sona le ditshupelo tsa noo tsa tsona. “ ‘Ka letsatsi la boraro le tlhabeleng dipoana di le 11 le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng. “ ‘Ka letsatsi la bone lo tlhabeleng dipoana di le some le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole, mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng. “ ‘Ka letsatsi la botlhano lo tlhabeleng dipoana di le robongwe le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng. “ ‘Ka letsatsi la borataro lo tlhabeleng dipoana di le robedi le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng. “ ‘Ka letsatsi la bosupa lo tlhabeleng dipoana di supa le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng. “ ‘Ka letsatsi la robedi lo nne le kgobokano ya Moletlo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone. Lo isetseng Morena setlhabelo sa phiso, e bong setlhabelo sa molelo sa monko o o monate sa poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole; mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa poana le phelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse; le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng. “ ‘Ke tseo lo tshwanetseng go di direla Morena ka malatsi a Meletlo ya lona kwa ntle ga tsa maikano a lona le tsa bogalona, le fa e le ditlhabelo tsa phiso gongwe ditshupelo tsa dijo gongwe tsa noo gongwe ditlhabelo tsa tebogo.’ ” Moše a di bolelela Baiseraele fela jaaka Morena a mo laetse. Moše a ba a bua le ditlhogo tsa ditso tsa Baiseraele a re: “Se Morena o se laetseng ke se: E re fa monna a solofetsa Morena sengwe gongwe a ikana maikano a go itima sekete, a se ka a tlhanogela lefoko la gagwe, mme a a dire fela jaaka go dule mo molomong wa gagwe. “Fela fa e le mosadi yo o ikanelang Morena maikano gongwe a ipofa go itima sengwe, a le mo lapeng la ga rraagwe, a le mo bokgarebeng jwa gagwe, mme rraagwe a utlwa maikano a gagwe le maipofo a go itima a o ipofileng ka ona, mme rraagwe a mo didimalela, gona maikano otlhe a gagwe a tla bo a tlhomame, le maipofo otlhe a o ipofileng ka ona a tla bo a tlhomame. Mme fa rraagwe a mo thibela ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona maikano otlhe a gagwe le maipofo a gagwe a go itima a o ipofileng ka ona, a tla bo a sa tlhomama, mme Morena o tla mo itshwarela, ka rraagwe a mo thibetse. “Jaanong fa a nyalwa ke monna a ntse a bofegile ka maikano a gagwe gongwe ka mafoko a o a buileng ka potlako a o ipofileng ka ona, mme monna mogang a utlwang, fa a ka mo didimalela ka letsatsi le o utlwileng ka lone, gona maikano a gagwe a na le go dirafadiwa, le maipofo a gagwe a go itima sengwe a o ipofileng ka ona, a na le go dirafadiwa. Mme fa monna wa gagwe a mo thibela ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona o tla bo a dirolola maikano a mosadi a o bofegileng ka ona le mafoko a o a buileng ka potlako, a ipofa ka ona, mme Morena o tla itshwarela mosadi. “Maikano a motlholagadi le a yo o tlhadilweng, maipofo otlhe a ene o ipofileng ka ona o na le go a dirafatsa. “Mme fa mosadi a ikana a le mo lapeng la monna wa gagwe gongwe a ipofa ka maikano go itima sengwe, mme e re monna wa gagwe a utlwa a mo didimalela, a sa mo thibele, gona maikano otlhe a gagwe o na le go a dirafatsa, le maipofo otlhe a o ipofileng ka ona go itima sengwe o na le go a dirafatsa. Fela fa monna wa gagwe a a dirolola ka thanolo ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona ga go na sepe se se ka dirafalang sa tse di duleng mo molomong wa gagwe le sa maikano a gagwe le sa maipofo a go itima sengwe. Monna wa gagwe o se dirolotse, mme Morena o tla itshwarela mosadi. Tsholofetso nngwe le nngwe ya mosadi le maikano otlhe a go itima sengwe go ikwatlhaisa pelo, monna wa gagwe o ka di tlhomamisa, gongwe a ka di dirolola. Fa monna wa gagwe a mo didimalela go fitlhelela kamoso, gona o tlhomamisitse maikano otlhe a gagwe gongwe maipofo otlhe a gagwe a go itima sengwe; monna o a tlhomamisitse, ka a ne a mo didimalela ka letsatsi le a utlwileng ka lone. Mme fa a di dirolola morago ga malatsi a sena go utlwa, foo o tla rwala molato wa mosadi.” Ke yona melao e Morena o e laetseng Moše ka ga monna le mosadi wa gagwe le ka ga rra-motho le morwadie a ntse a le mo bokgarebeng jwa gagwe mo lapeng la ga rraagwe. Morena a ba a raya Moše a re: “Busolosetsa Baiseraele mo go Bamidiane; morago ga moo o tla gorosiwa kwa morafeng wa ga eno.” Moše a bua le morafe a re: “A banna bangwe ba lona ba tlhomele gore ba bololele Bamidiane go dirafatsa pusoloso ya Morena mo go bone. Ntshang banna ba le kete mo lotsong longwe le longwe lwa Iseraele, lo ba romele kwa ntweng.” Jaanong ga ntshiwa ba le kete mo lotsong longwe le longwe mo diketeng tsa Iseraele, ba nna 12 000 ba ba tlhomeletseng ntwa. Moše a ba romela kwa ntweng, e le ba kete ba lotso longwe le longwe mmogo le Phinehase, morwa moperesiti Eleasare; a tshotse dilwana tsa Felo-ga-Boitshepo le diphala tsa go tlhaba mokgosi wa ntwa. Jaanong ba bololela Bamidiane jaaka Morena a laetse Moše, ba bolaya ba batonanyana botlhe. Mo go ba ba bolailweng go ne go le dikgosi tsa Bamidiane, e bong Ewi le Rekeme le Sure le Hure le Reba, dikgosi tse tlhano tsa Bamidiane. Le Bileame morwa Beore ba mmolaya ka tšhaka. Baiseraele ba isa basadi ba Bamidiane le bana ba bone mo botshwarong, ba thopa matlhape otlhe a bone le diruiwa tsotlhe tsa bone le khumo yotlhe ya bone. Mme metse yotlhe ya bone, kwa ba nnang teng le mathibelelo otlhe a ditente tsa bone ba di fisa ka molelo. Ba be ba tsaya thukhutho yotlhe le thopo ya batho le ya diruiwa, ba isa batshwarwi le thopo le thukhutho kwa go Moše le moperesiti Eleasare le kwa phuthegong yotlhe ya Baiseraele kwa bothibelelong mo mabaleng a Moabe a a gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo. Mme Moše le moperesiti Eleasare le bagolo botlhe ba phuthego ba tswa go ya go ba kgatlhantsha kwa ntle ga bothibelelo. Ke fa Moše a galefela ditlhogo tsa mephato, e bong balaodi ba kete le balaodi ba makgolo ba ba tswang go boa kwa ntweng. Moše a ba botsa a re: “Lo ne lo lesetsang basadi go phela? Kana ke bone ba ba neng ba raela Baiseraele, ba gakolotswe ke Bileame go tlhanogela Morena ka boikanyologo ka ntlha ya ga Baale-Pheore, mo petso e bileng ya wela phuthego ya Morena. Jaanong he, bolayang ba batonanyana botlhe mo baneng; le gona lo bolae basadi botlhe ba ba itseng monna ka go mo alela dikobo. Mme bana botlhe ba basetsana, ba monna a iseng a robale le bone, lo ba lese ba phele, e nne ba lona. Lona ka losi thibelelang kwa ntle ga bothibelelo malatsi a supa; lotlhe ba lo bolaileng motho, lotlhe ba lo amileng ba ba bolailweng, tlhapang maleo ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, lona le ba lo ba tshwereng. Le gona lo itshekise diaparo tsotlhe le dilo tsotlhe tsa matlalo le tsotlhe tse di dirilweng ka boboa jwa dipodi le dilwana tsotlhe tsa logong.” Mme moperesiti Eleasare a raya banna ba mephato ba ba neng ba ile kwa ntweng a re: “Tshwanelo ya molao o Morena a o laetseng Moše ke e: Gouta le selefera le kgotlho le tshipi le thini le llota, e bong dilo tsotlhe tse di sa senngweng ke molelo, lo di ralatseng molelo; foo di tla itsheka; fela a di itshekisiwe ka metsi a a tlhatswang itshekologo. Mme tsotlhe tse di ka senngwang ke molelo lo di ralatseng metsi. Lo be lo tlhatswe diaparo tsa lona ka letsatsi la bosupa, foo lo tla itsheka. Morago ga moo lo ka tsena mo bothibelelong.” Morena a ba a raya Moše a re: “Tsaya palo e e tletseng ya batho ba ba tshwerweng le ya diruiwa tse di thopilweng, wena le moperesiti Eleasare le ditlhogo tsa dikgotla tsa phuthego. O be o kgaoganye thopo: Bontlhanngwe o bo nee batlhabani ba ba tswang kwa ntweng, bontlhanngwe o bo nee phuthego yotlhe. O be o ntshise batlhabani ba ba tswang kwa ntweng lekgetho la Morena la bongwe mo makgolong a matlhano la batho le la dikgomo le la diesele le la difutshane. O le tsee mo bontlhanngweng jwa bone, o le neele moperesiti Eleasare, e le lekgetho la Morena. Mme mo bontlhanngweng jwa Baiseraele o tsee bongwe, bo ntshiwe mo masomeng a matlhano mangwe le mangwe a batho le a dikgomo le a diesele le a difutshane le a diruiwa tsotlhe, o bo neele Balefi ba ba tlhokomelang tirelo ya Tempelana ya Morena.” Moše le moperesiti Eleasare ba dira jaaka Morena a laetse. Jaanong thopo e banna ba mephato ba e thopileng e ne e le difutshane di le 675 000 le dikgomo di le 72 000 le diesele di le 61 000 le batho ba basetsana ba ba iseng ba robale le monna ba le 32 000. Jaanong palo ya bontlhanngwe ya kabelo ya ba ba tswang kwa ntweng e ne e le difutshane di le 337 500 – lekgetho la Morena la teng e le difutshane di le 675 – le dikgomo di le 36 000 – lekgetho la Morena la teng e le di le 72 – le diesele di le 30 500 – lekgetho la teng la Morena e le di le 61 – le batho ba le 16 000 – lekgetho la teng la Morena e le batho ba le 32. Mme Moše a neela moperesiti Eleasare lekgetho leo la seabe sa Morena jaaka Morena a mo laetse. Fa e le bontlhanngwe jwa Baiseraele jo Moše a bo kgaogantseng le jwa banna ba ba tswang ntweng, bontlhanngwe jwa phuthego e ne e le difutshane di le 337 500 le dikgomo di le 36 000 le diesele di le 30 500 le batho ba le 16 000. Mo bontlhanngweng jwa Baiseraele Moše a tsaya tse di ntshiwang, e bong bongwe mo masomeng a matlhano a batho le a diruiwa, a bo neela Balefi ba ba tlhokomelang tirelo ya Tempelana ya Morena jaaka Morena a mo laetse. Ke fa baeteledipele ba dikete tsa mephato, e bong balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo ba atamela kwa go Moše, ba raya Moše ba re: “Batlhanka ba gago ba batlile palo e e tletseng ya batlhabani ba ba mo taolong ya rona, mme ga go a tlhokafala ope wa bone. Ka moo re tlisitse neo ya tshupelo ya Morena, se mongwe le mongwe a se bonyeng sa dilwana tsa gouta, e bong ditilwane le maseka le dipalamonwana tsa go kana le manyena a ditsebe le dibaga tsa molala gore re tle re direlwe thuanyo fa pele ga Morena.” Mme Moše le Eleasare ba amogela gouta mo go bone, e le dilwana tse di dirilweng ka botswerere tsa mefutafuta. Jaanong gouta yotlhe eo ya seabe se ba se abelang Morena e ne e le ya dišekele di le 16 750 e tswa mo balaoding ba dikete le mo go ba makgolo. Banna ba mephato bone ba ne ba ithopetse, mongwe le mongwe tsa gagwe. Moše le moperesiti Eleasare ba amogela gouta eo mo balaoding ba dikete le ba makgolo, ba e isa kwa Tenteng ya Boipontsho, e le e e thusang Baiseraele gore ba gopolwe ke Morena. Barubene le Bagate ba ne ba na le diruiwa tse dintsi thata thata. Jaanong ya re ba bona lefatshe la Jasere le lefatshe la Gileate, ba fitlhela golo foo e le felo ga diruiwa. Ke fa Bagate le Barubene ba tla, ba raya Moše le moperesiti Eleasare le bagolo ba phuthego ba re: “Kwa Atarothe le Dibone le Jasere le Nimera le Hešebone le Eleale le Sebame le Nebo le Beone – lone lefatshe le Morena a le thopileng fa pele ga phuthego ya Baiseraele – ke lefatshe la diruiwa, mme batlhanka ba gago ba na le diruiwa.” Ba be ba re: “Fa re bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a lefatshe leo le newe batlhanka ba gago go nna boswa, mme o se ka wa re tshedisa noka ya Joretane.” Mme Moše a fetola Bagate le Barubene a re: “A e ka re ba ga lona ba ya kwa ntweng, lona lwa itulela fa? Ke ka ntlha ya eng fa lo tentsha dipelo tsa Baiseraele gore ba se ka ba tshelela kwa lefatsheng le Morena o le ba neileng? Kana le borraeno ba dirile jalo, jale fa ke ba roma go tswa kwa Kateše-Barenea go ya go tlhola lefatshe. Ya re ba sena go ya go fitlha kwa nokaneng ya Ešekole le go tlhola lefatshe, ba boa ba tentsha dipelo tsa Baiseraele, mo ba bileng ba gana go ya go tsena kwa lefatsheng le Morena o le ba neileng. Ka sebaka sele Morena a tuka bogale, a ikana a re: ‘Ruri, banna ba ba bolotseng kwa Egepeto go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone ga ba kitla ba bona naga e ke e ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe, ka ba se ka ba ntshala morago ka botlalo, fa e se Kalebe morwa Jefune, Mokenisi le Jošua morwa Nune; gonne ba setse Morena morago ka botlalo.’ Morena a ba a tukela Baiseraele bogale, a ba kgarakgatsha kwa sekakeng dinyaga di le 40 ga tsamaya losika lotlhe lo lo dirileng bosula mo matlhong a Morena lwa ba lwa felelela. “Jaanong lona lo tsogile lo le mo boemong jwa borraalona, lo le bana ba baleofi; jaanong lo rata go okeletsa Baiseraele bogale jo bo tukang jwa Morena gape. Fa lo ikepa mo go ene, o ka ba sadisa sebaka gape mo sekakeng, mme lwa senyetsa morafe otlhe o.” Ba mo atamela ba re: “Fano re rata go aga maraka a difutshane a diruiwa tsa rona le metse ya bana ba rona fela. Mme rona ka rosi re tla tlhomela ka pele, re etelela Baiseraele pele go ya re be re ba fitlhise kwa mannong a bone. Fela bana ba rona ba tla sala mo metseng e e femetsweng ka ntlha ya baagi ba lefatshe. Ga re kitla re boela kwa malapeng a rona, mongwe le mongwe wa Baiseraele a ise a amogele boswa jwa gagwe. Gonne ga re rate go rua nabo kwa moseja ga Joretane le kwa pele; gonne boswa jwa rona bo re wetse ka kwano ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi.” Moše a ba raya a re: “Fa lo ka dira ka fa lefokong leo, lwa tlhomela fa pele ga Morena go ya ntweng, mme mongwe le mongwe wa lona yo o tlhometseng a tshela Joretane fa pele ga Morena go ya a be a leleke baba ba gagwe fa pele ga gagwe, le lefatshe le be le thopiwa fa pele ga Morena, lo bo lo boa morago ga moo, gona lo tla bo lo se na molato fa pele ga Morena le Baiseraele, mme lefatshe leno e tla nna boswa jwa lona fa pele ga Morena. Mme fa lo sa dire jalo, gona lo leofela Morena, mme lo tla lemoga petso ya boleo jwa lona e e tla lo welang. Ikageleng he metse ya bana ba lona le maraka a difutshane tsa lona, lo dire ka fa lo buileng ka teng.” Bagate le Barubene ba araba Moše ba re: “Batlhanka ba gago ba tla dira jaaka go laetse mong wa rona. Bana ba rona le basadi ba rona ba tla nna teng mo metseng ya Gileate le diruiwa tsotlhe tsa rona. Mme batlhanka ba gago, botlhe ba ba tlhometseng go bolola fa pele ga Morena ba tla fetela kwa ntweng jaaka mong wa rona a buile.” Ke fa Moše a laela moperesiti Eleasare le Jošua morwa Nune le ditlhogo tsa dikgotla tsa ditso tsa Baiseraele ka ga bone. Moše a ba raya a re: “Fa Bagate le Barubene ba ka tshela Joretane le lona, ba tlhomeletse ntwa botlhe fa pele ga Morena, lefatshe la ba la thopiwa ke lona, gona lo ba nee lefatshe la Gileate go nna boswa. Mme fa ba sa tshele le lona ba tlhometse, gona a ba nne mo gare ga lona kwa lefatsheng la Kanana.” Bagate le Barubene ba araba ba re: “Tse Morena o di laetseng batlhanka ba gago re tla di dira. Re tla tshelela kwa lefatsheng la Kanana fa pele ga Morena re tlhometse, mme boswa jwa rona jwa naga bo ntse bo le ka kwano ga Joretane.” Bagate le Barubene le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase morwa Josefa Moše a ba naya jalo naga ya bogosi jwa ga Sihone kgosi ya Baamori le ya bogosi jwa ga Oge kgosi ya Basane, e bong lefatshe le metse ya lone le dinaga tsa yona le metse ya lefatshe tikologong. Ke fa Bagate ba aga Dibone le Atarothe le Aroere le Aterothe-Sofane le Jasere le Jogebeha le Bethe-Nimera le Betharane, ya nna metse e e femetsweng le maraka a difutshane. Barubene ba aga Hešebone le Eleale le Khiriathaime le Nebo le Baale-Meone – maina a fetotswe – le Sibema; ba be ba taya metse e ba e agileng maina a bone. Bomorwa Magire oora Manase ba ya kwa Gileate, ba thopa naga ya teng, ba leleka Baamori ba ba neng ba le gona. Ke fa Moše a naya Bamagire oora Manase naga ya Gileate, mme ba nna mo go yona. Jaire oora Manase a ya a thopa metsana ya bone ya ditente, a e bitsa metsana ya ditente ya ga Jaire. Noba a ya a thopa motse wa Kenathe le metsana ya teng, a o taya leina la gagwe Noba. Mesepele ya Baiseraele ba ba hudugileng kwa lefatsheng la Egepeto ka fa mephatong ya bone, ba okametswe ke Moše le Arone, ke e: Moše a kwala mafelo ka fa taelong ya Morena kwa ba simolotseng mesepele ya bone teng; mesepele ya bone ka fa mathibelelong a bone ke e: Ba ne ba tloga kwa Ramasese ka letsatsi la 15 la kgwedi ya ntlha le le tlhomaganang le la Tlolaganyo; Baiseraele ba huduga ka letsogo le le tsholetsegileng la Morena Baegepeto botlhe ba ntse ba lebile; e le fa Baegepeto ba fitlha maitibolo otlhe a Morena o neng a a bolaile mo go bone. Le gona Morena o ne a dirafaditse katlholo le petso mo medimong ya bone. Ba tlogile kwa Ramasese, ba thibelela kwa Sukothe. Ba bothologa kwa Sukothe, ba thibelela kwa Ethame yo o fa thoko ga sekaka. Ba bothologa kwa Ethame, ba thelelela kwa Phihagirothe yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Baale-Sefone, ba thibelela mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Migetole. Ba bothologa kwa Phihagirothe, ba tshela lewatle, ba tsena mo sekakeng, ba sepela mosepele wa malatsi a le mararo mo sekakeng sa Ethame, ba thibelela kwa Mara. Ba bothologa kwa Mara, ba fitlha kwa Elime kwa go neng go le metswedi ya metsi e le 12 le mekolane e le 70, mme ba thibelela teng. Ba bothologa kwa Elime, ba thibelela fa Lewatleng la Motlhaka. Ba bothologa kwa Lewatleng la Motlhaka, ba thibelela mo sekakeng sa Sine. Ba bothologa kwa sekakeng sa Sine, ba thibelela kwa Dofeka. Ba bothologa kwa Dofeka, ba thibelela kwa Aluše. Ba bothologa kwa Aluše, ba thibelela kwa Rafidime; teng morafe wa tlhoka metsi a a nowang. Ba bothologa kwa Rafidime, ba thibelela mo sekakeng sa Sinai. Ba bothologa kwa sekakeng sa Sinai, ba thibelela kwa Diphupung-tsa-bohula. Ba bothologa kwa Diphupung-tsa-bohula, ba thibelela kwa Haserothe. Ba bothologa kwa Haserothe, ba thibelela kwa Rithema. Ba bothologa kwa Rithema, ba thibelela kwa Rimone-Pherese. Ba bothologa kwa Rimone-Pherese, ba thibelela kwa Lebena. Ba bothologa kwa Lebena, ba thibelela kwa Risa. Ba bothologa kwa Risa, ba thibelela kwa Kehelatha. Ba bothologa kwa Kehelatha, ba thibelela kwa thabeng ya Sefere. Ba bothologa kwa thabeng ya Sefere, ba thibelela kwa Harata. Ba bothologa kwa Harata, ba thibelela kwa Makhelothe. Ba bothologa kwa Makhelothe, ba thibelela kwa Thahathe. Ba bothologa kwa Thahathe, ba thibelela kwa Thera. Ba bothologa kwa Thera, ba thibelela kwa Mitheka. Ba bothologa kwa Mitheka, ba thibelela kwa Hasemona. Ba bothologa kwa Hasemona, ba thibelela kwa Moserothe. Ba bothologa kwa Moserothe, ba thibelela kwa Bene-Jaakane. Ba bothologa kwa Bene-Jaakane, ba thibelela kwa Hore-Kitekate. Ba bothologa kwa Hore-Kitekate, ba thibelela kwa Jotebatha. Ba bothologa kwa Jotebatha, ba thibelela kwa Aberona. Ba bothologa kwa Aberona, ba thibelela kwa Esione-Gebere. Ba bothologa kwa Esione-Gebere, ba thibelela kwa sekakeng sa Tsine, ke kwa Kateše. Ba bothologa kwa Kateše, ba thibelela kwa thabeng ya Hore fa molelwaneng wa lefatshe la Etomo. Ke kwa moperesiti Arone o neng a tlhatlogela mo thabeng ya Hore ka fa taelong ya Morena, a swela teng, e le ka ngwaga wa 40 morago ga khudugo ya Baiseraele kwa lefatsheng la Egepeto ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya botlhano. Ya re Arone a swela kwa thabeng ya Hore a bo a le dinyaga di le 123. Metlheng eo kgosi ya Arate wa Mokanana yo o neng a agile mo nageng ya borwa ya lefatshe la Kanana, a utlwela go tla ga Baiseraele. Ba bothologa kwa thabeng ya Hore, ba thibelela kwa Salemona. Ba bothologa kwa Salemona, ba thibelela kwa Phunone. Ba bothologa kwa Phunone, ba thibelela kwa Obothe. Ba bothologa kwa Obothe, ba thibelela kwa Iye-Abarime fa molelwaneng wa Moabe. Ba bothologa kwa lyime, ba thibelela kwa Dibone-Gate. Ba bothologa kwa Dibone-Gate, ba thibelela kwa Alemone-Dibelathaime. Ba bothologa kwa Alemone-Dibelathaime, ba thibelela kwa dithabeng tsa Abarime ntlheng ya botlhabatsatsi ya thaba ya Nebo. Ba bothologa kwa dithabeng tsa Abarime, ba thibelela mo mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo. Ba thibelela fa Joretane go tloga kwa Bethe-Ješimothe go fitlha kwa Abele-Sitime mo mabaleng a Moabe. Ya re ba le kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo, Morena a bua le Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go tshela Joretane le go tsena mo lefatsheng la Kanana, lo leleke baagi botlhe ba lefatshe fa pele ga lona, lo nyeletse majwe otlhe a a gwailweng ditshwantsho a bone, lo nyeletse medimo ya diseto yotlhe ya bone e e bopilweng, lo be lo senye dithota tsa tlhabelo tsotlhe tsa bone gore lo tle lo thope lefatshe, lo age mo go lone; ka gonne lefatshe le ke le lo neile gore e nne la lona. Lo abelwe lefatshe ka tengwa ka fa ditshikeng tsa lona; tse dikgolo lo di nee naga e kgolo, tse dinnye lo di nee naga e potlana. Kwa tengwa e welang motho gona, a gona e nne boswa jwa gagwe. Lo abelwe boswa ka fa ditsong tsa borraalona. Mme fa lo sa leleke baagi ba lefatshe fa pele ga lona, gona ba lo ba sadisang ba bone ba tla lo fetogela mitlwa mo matlhong le dipolela mo ditlhakoreng, e nna baba ba lona mo lefatsheng le lo tla bong lo agile mo go lone. Mme ke tla dirafaletsa lona tse ke neng ke ikaeletse go di dirafaletsa bone.’ ” Morena a ba a bua le Moše a re: “Laela Baiseraele o ba ree o re: ‘E tla re lo sena go tsena mo lefatsheng la Kanana, e nne lone boswa jwa lona, e bong lefatshe la Kanana ka fa melelwaneng ya lone. Ntlha ya borwa ya lona a e bape le naga ya Etomo go tloga kwa sekakeng sa Tsine; molelwane wa lona wa borwa o simologe kwa mafelelong a Lewatle la Letswai ntlheng ya botlhabatsatsi. Jaanong molelwane wa lona o thelele fa Phateng-ya-Diphepheng, o e pote ntlheng ya borwa, o fetele kwa Tsine, o be o felele ntlheng ya borwa ya Kateše-Barenea, o be o fetele kwa Hasare-Atare le kwa Asemone. Kwa Asemone molelwane wa lona o thelele go ya kwa nokaneng ya Egepeto, o be o khutle fa lewatleng. “ ‘Mme molelwane wa lona wa bophirimatsatsi a e nne lewatle le legolo, e bong losi lwa lone; a lone e nne molelwane wa lona wa bophirimatsatsi. “ ‘Molelwane wa lona wa bokone e nne o: Lo itshegele molelwane go tloga kwa lewatleng le legolo go ya kwa thabeng ya Hore. Lo sege molelwane go tloga kwa thabeng ya Hore go ya fa go tsenwang mo nageng ya Hamathe; molelwane o be o felele kwa Setate. Molelwane o be o fetele kwa Siferone, o khutle kwa Hasare-Enane. A e nne ona molelwane wa lona wa bokone. “ ‘Lo be lo itshegele molelwane wa lona wa botlhabatsatsi go tloga kwa Hasare-Enane go ya kwa Sefame. Molelwane o be o fologele kwa Ribela ntlheng ya botlhabatsatsi ya Aine go tloga kwa Sefame; molelwane o be o fologe, o ame dithota tsa letsha la Khinerethe ntlheng ya botlhabatsatsi. Molelwane o be o fologele kwa Joretane, o khutle kwa Lewatleng la Letswai. A e nne lone lefatshe la lona ka fa melelwaneng ya lone tikologong’ ”. Mme Moše a laela Baiseraele a re: “Ke lone lefatshe le lo tshwanetseng go le kgaogana ka tengwa gore e nne la lona, le Morena o laetseng go le naya ditso di le 9 le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase. Gonne lotso lwa Barubene ka fa dikgotleng tsa bone le lotso lwa Bagate ka fa dikgotleng tsa bone le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba setse ba amogetse boswa jwa bone. Ditso tse pedi le bontlhanngwe jwa lotso ba amogetse boswa jwa bone ka kwano ga Joretane go lebagana le Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi.” Morena a ba a raya Moše a re: “Maina a banna ba ba tshwanetseng go lo kgaoganya lefatshe boswa ke a: Ke moperesiti Eleasare le Jošua morwa Nune. Gape lo tsee kgosana e le nngwe ya lotso longwe le longwe go kgaoganya lefatshe boswa.” Maina a banna bao ke a: Ke Kalebe morwa Jefune, wa lotso lwa ga Juta le Semuele morwa Amihute, wa lotso lwa Basimeone le Elitate morwa Khiselone, wa lotso lwa ga Benyamene le kgosana Bukhi morwa Jogeli, wa lotso lwa Badane le kgosana Haniele morwa Efote, wa lotso lwa Bamanase, boora Josefa le kgosana Kemuele morwa Sifetane, wa lotso lwa Baeferaime le kgosana Elisafane morwa Pharenage, wa lotso lwa Basebulone le kgosana Phaletiele morwa Asane, wa lotso lwa Baisašare le kgosana Ahihute morwa Selomi, wa lotso lwa Baasere le kgosana Phetahele morwa Amihute, wa lotso lwa Banafetale. Ke bao ba Morena o ba laetseng go kgaoganya Baiseraele boswa mo lefatsheng la Kanana. Morena a ba a bua le Moše kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo a re: “Laela Baiseraele gore ba nee Balefi metse e ba ka nnang mo go yona, e ntshiwe mo bosweng jwa dinaga tsa bone, le gona lo nee Balefi mafulo a metse eo mo tikologong ya yona. A metse eo e nne ya bone go nna mo go yona; a mafulo a yona e nne a dikgomo tsa bone le a difutshane tsa bone le a diphedi tsotlhe tsa bone. A mafulo a metse e lo tla e nayang Balefi a simologe fa loboteng lwa motse le go lo katoga mabogo a le 1 000 mo ntlheng tsotlhe. Mme ka kwa ntle ga motse lo lekanye lotlhakore lwa botlhabatsatsi lwa mabogo a le 2 000 le lotlhakore lwa bophirimatsatsi lwa mabogo a le 2 000 le lotlhakore lwa bokone lwa mabogo a le 2 000, motse o le fa gare. Mafulo a bone a metse e nne a a kana. Metse e lo tshwanetseng go e naya Balefi ke e: Ke metse e merataro ya botshabelo e lo e ntshang gore mmolai a tshabele teng; eo lo e okeletse metse e le 42 e mengwe. Metse yotlhe e lo tla e nayang Balefi a e nne metse e le 48 e na le mafulo a yona. Fa e le metse e lo tla e ntshang mo nageng ya Baiseraele go e naya Balefi: Mo ditsong tse dikgolo lo ntshe e mentsi, mme mo ditsong tse dipotlana lo ntshe e mebotlana. A lotso longwe le longwe lo ntshetse Balefi metse mengwe ya lone ka fa bosweng jwa lone jo lo tla bo ruang.” Morena a ba a raya Moše a re: “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go tshela Joretane le go tsena mo lefatsheng la Kanana, lo itlhaolele metse e batshabi ba ka fitlhang go yona. A e nne metse ya botshabelo mo go lona gore mmolai a tshabele teng, yo o bolaileng motho e se ka bomo. Metse eo e tla nna ya botshabelo mo go lona go tshaba mmusolosi wa madi gore mmolai a se ka a bolawa a ise a eme fa pele ga phuthego go sekisiwa. “ ‘Fa e le metse eo e lo tla e ntshang, e nne metse e le merataro ya botshabelo. Metse e meraro lo e ntshe ka kwano ga Joretane; e meraro lo e ntshe kwa lefatsheng la Kanana; e nne metse ya botshabelo. Metse e merataro eo e tla nna ya botshabelo jwa Baiseraele le jwa baeng le jwa ba ba jakang mo gare ga lona gore mongwe le mongwe yo o bolaileng motho e se ka bomo a tshabele teng. “ ‘Mme fa a mo iteile ka selo sa tshipi, mo a bileng a swa, ene ke mmolai wa ka bomo; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa. Gongwe fa a tsere lentswe le le ka bolayang motho, a mo konopa ka lone, mo a bileng a swa, ene ke mmolai; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa. Gongwe fa a tsere selo sa logong se se ka bolayang motho, a mo itaya ka sona, mo a bileng a swa, ene ke mmolai; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa. Mmusolosi wa madi ke ene yo o tshwanetseng go bolaya mmolai; a e re a kgatlhana nae, a mmolae. “ ‘Gongwe fa a mo kgarametsa ka letlhoo gongwe a mo konopa ka bolotsana, mo a bileng a swa; gongwe a mo itaya ka kilo ka letsogo la gagwe, mo a bileng a swa, gona yo o mo iteileng o tshwanetse go bolawa; ke mmolai. A mmusolosi wa madi a bolae mmolai yoo, fa a kgatlhana nae. “ ‘Mme fa a mo kgarameditse ka tshoganyetso, e se ka kilo, gongwe a konopile sengwe mo go ene e se ka maano, gongwe a digela lentswe mo go ene le motho a ka swang ka lone, a sa mmone, mo a bileng a swa, fela ene e ne e se mmaba wa gagwe, mme a se ka a rata go mo direla bosula, foo a phuthego e atlhole gare ga moitei le mmusolosi wa madi ka fa melaong eo. A phuthego e pholose mmolai yo o ntseng jalo mo diatleng tsa mmusolosi wa madi; phuthego e be e mmusetse kwa motseng wa ga gabo wa botshabelo kwa o neng a tshabetse teng, a nne mo go ona go ya losong lwa moperesiti yo mogolo yo o tloditsweng ka lookwane lo lo boitshepo. Fela fa mmolai a ka tlola molelwane wa naga ya motse wa ga gabo wa botshabelo kwa o neng a tshabetse teng, mme mmusolosi wa madi a kgatlhana nae ka kwa ntle ga molelwane wa naga ya motse wa ga gabo wa botshabelo, mme mmusolosi wa madi a bolaya mmolai yoo, gona ga a na molato wa polao. Gonne o ne a tshwanetse a bo a ntse mo motseng wa ga gabo wa botshabelo go ya losong lwa moperesiti yo mogolo; mme morago ga loso lwa moperesiti yo mogolo mmolai o ka boela kwa nageng ya boswa jwa gagwe. A tseo e nne molao wa lona wa go atlhola ka metlha yotlhe gongwe le gongwe kwa lo nnang teng. “ ‘Fa mongwe a bolaya motho, a mmolai wa ka bomo a bolawe ka fa tshupong ya basupi, mme mosupi a le mongwe fela ga a lekane gore motho a atlholelwe loso. Lo se ka lwa amogela madi a kgololo a botshelo jwa mmolai yo o tshwanetsweng ke loso. Gonne o tshwanetse go bolawa. Le gona lo se ka lwa amogela madi a kgololo a yo o tshabetseng kwa motseng wa gagwe wa botshabelo gore a tle a boele gae, go nna mo nageng ya gagwe, fa moperesiti yo mogolo a sa ntse a tshela. Lo se ka lwa itshepolola lefatshe le lo leng mo go lone; gonne madi a a tshololwang a itshepolola lefatshe; mme lefatshe ga le na go direlwa thuanyo ya madi a a tsholotsweng mo go lone fa e se ka madi a yo o a tsholotseng. Lo se ka lwa itshekolola lefatshe le lo agileng mo go lone, ka ke nna mo go lone; gonne nna Morena ke nna mo gare ga Baiseraele.’ ” Ga atamela ditlhogo tsa dikgotla tsa losika lwa bomorwa Gileate morwa Magire, oora Manase, tsa ditshika tsa bomorwa Josefa, tsa bua fa pele ga Moše le fa pele ga bagolo, ditlhogo tsa dikgotla tsa Baiseraele, tsa re: “Morena o laetse mong wa rona go naya Baiseraele lefatshe ka tengwa go nna boswa; le gona mong wa rona o laetswe ke Morena gore boswa jwa naga jwa ga Selofehate morwa-rraarona, o bo nee bomorwadie. Jaanong fa ba nyalwa ke banna ba ditso tse dingwe tsa Baiseraele, gona boswa jwa bone bo tla bo bo kgaolwa mo bosweng jwa borraarona, bo okelediwa boswa jwa lotso lo ba nyetsweng mo go lone, mme bo tlosiwa mo kabelong ya boswa jwa rona. Jaanong e tla re fa go tla ngwaga wa tuduetso wa Baiseraele, boswa jwa bone bo kopanngwe le boswa jwa lotso lo ba nyetsweng mo go lone, mme boswa jwa bone bo kgaolwa mo bosweng jwa lotso lwa borraarona.” Ke fa Moše a laela Baiseraele ka fa taelong ya Morena a re: “Ba lotso lwa bomorwa Josefa ba bua nnete. Se Morena o se laotseng ka ga bomorwadia Selofehate ke se: Ba ka nna ba nyalwa ke yo ba mo ratang, fela a e nne wa losika lwa lotso lwa ga rraabo gore boswa jwa naga jwa Baiseraele bo se ka jwa tswa mo lotsong longwe, jwa ya go nna jwa lotso lo longwe; gonne mongwe le mongwe wa Baiseraele o tshwanetse go ngaparela boswa jwa lotso lwa borraagwe. Morwadi mongwe le mongwe yo o ruang boswa mo go longwe lwa ditso tsa Iseraele a a nyalwe ke mongwe wa losika lwa lotso lwa ga rraagwe gore mongwe le mongwe wa Baiseraele a rue boswa jwa borraagwe, mme boswa jwa naga bo se ka jwa tswa mo lotsong longwe, jwa ya go nna jwa lotso lo longwe; gonne lotso longwe le longwe lwa Baiseraele lo tshwanetse go boloka boswa jwa lone.” Bomorwadia Selofehate ba dira jaaka Morena a laetse ka Moše. Magala le Thiresa le Hogola le Mileka le Noa bomorwadia Selofehate ba nyalwa ke bomorwa borrangwanaa-bone. Ba nyalwa ke banna ba ditshika tsa bomorwa Manase morwa Josefa, mme boswa jwa bone jwa sala mo lotsong lwa losika lwa ga rraabo. Ke tsona ditaelo le ditshiamelo tse Morena o di laetseng Baiseraele ka Moše kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo. Mafoko ke a, a Moše o a buileng le Baiseraele botlhe kwa moseja ga Joretane mo sekakeng mo lebaleng la Joretane fa go lebaganyeng le Sufe fa gare ga Pharane le Thofele le Labane le Haserothe le Disahabe. Go tloga kwa Horebe go ya go fitlha kwa Kateše-Barenea ka tsela ya dithaba tsa Seire ke leeto la malatsi a le some nngwe. Ya re ka ngwaga wa 40, ka kgwedi ya 11, ka la ntlha la kgwedi Moše a bua le Baiseraele fela jaaka Morena a mo laetse ka ga bone. E ne e le fa a sena go fenya Sihone kgosi ya Baamori, yo o neng a agile kwa Hešebone, le Oge kgosi ya Basane, yo o neng a agile kwa Ašetharothe, a mo fenya kwa Eterei. Kwa moseja ga Joretane mo lefatsheng la Moabe Moše a simolola go phutholola molao o, a re: “Morena Modimo wa rona o buile le rona kwa Horebe a re: ‘Lo ntse sebaka se se lekanyeng fa thabeng e. Thelelang lo bolole lo ye kwa dithabeng tsa Baamori le kwa go botlhe ba ba bapileng nabo mo lebaleng la Joretane le mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase le mo nageng ya borwa le fa losing lwa lewatle kwa lefatsheng la Bakanana le kwa Lebanone go fitlha kwa nokeng e kgolo ya Ferathe. Itseng gore ke lo neetse lefatshe leo. Tsenang lo thope lefatshe le Morena o le ikanetseng borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe go le ba naya, e bong losika lwa bone sehularong sa bone.’ “Ka sebaka seo ke ne ka lo raya ka re: ‘Ga ke kgone go lo rwala ke le nosi. Morena Modimo wa lona o lo atisitse; bonang, kajeno lo kana ka dinaledi tsa legodimo ka bontsi. Mme a Morena a lo okeletse ba ba kana ka lona gasekete, a lo tshegofatse jaaka a lo solofeditse! Ke ne ke ka rwala jang ditapiso tsa lona le merwalo ya lona le dikgang tsa lona ke le nosi?’ Ka lo raya ka re: ‘Ntshang banna mo ditsong tsa lona ba ba tlhalefileng, ba ba nang le tlhaloganyo le temogo gore ke ba dire ditlhogo tsa lona.’ Lwa nkaraba lwa re: ‘Mafoko a gago a siame.’ Ka tsaya ditlhogo tsa ditso tsa lona, e bong banna ba ba tlhalefileng ba ba nang le temogo, ka ba dira ditlhogo tsa lona, ya nna balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo le balaodi ba 50 le balaodi ba masome le bakwaledi ba ditso tsa lona. “Ka ba ka laela baatlhodi ba lona ka sebaka seo ka re: ‘Sekisang ba ga lona, lo atlhole ka tshiamo fa gare ga motho le mongwe-ka-ene gongwe moeng wa gagwe. Lo se ka lwa gobelelela ope mo tshekong, lo reetse yo mmotlana fela jaaka yo mogolo, se boifeng ope. Gonne Modimo o batla tshiamo. Mme kgang e e lo palelang lo e tlise go nna gore ke e utlwe.’ Ka ba ka lo laela dilo tsotlhe ka sebaka seo tse lo tshwanetseng go di dira. “Jaanong ra kuologa kwa Horebe, ra ralala sekaka sotlhe se segolo se se boitshegang se lo se bonyeng ka tsela e e yang kwa dithabeng tsa Baamori, jaaka Morena, Modimo wa rona, o ne o re laetse, ra fitlha kwa Kateše-Barenea. Ka ba ka lo raya ka re: ‘Lo fitlhile fa dithabeng tsa Baamori tse Morena, Modimo wa rona, o tla di re nayang. Bonang, ke lone lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o le lo neileng. Bololang lo le thope jaaka Morena, Modimo wa borraeno, a lo solofeditse. Se boifeng, lo se tshoge!’ “Ke fa lo nkatamela lotlhe lo re: ‘A re romeng banna, ba re etelele pele, ba ye go re tlholela lefatshe, ba boe ba re bolelele tsela e re ka bololang ka yona le metse e re tla gorogang kwa go yona.’ “Ga nkgatlha, ka tsaya banna ba le 12 mo go lona, monna a le mongwe mo lotsong longwe le longwe. Ba tloga ba tlhamalala ba tlhatlogela kwa dithabeng, ba fitlha fa nokaneng ya Ešekole, ba le tlhola. Ba be ba tsaya maungo mangwe a lefatshe, ba re tlela nao, ba re bolelela ba re: ‘Lefatshe le siame le Morena, Modimo wa lona, o tla le re nayang!’ “Mme lwa gana go tlhatloga, lwa rukhutlhegela taelo ya Morena, Modimo wa lona. Lwa ba lwa ngongorega mo ditenteng tsa lona lwa re: ‘Morena o re ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka a re tlhoile, go re neela mo diatleng tsa Baamori gore ba re nyeletse. Re ka tlhatlogela kae? Ba ga rona ba re kgobile marapo ka go bua ba re: Morafe wa teng o mogolo, o moleele bogolo go rona; metse e megolo e femetswe go fitlha kwa legodimong. Le mekaloba re e bonye teng!’ “Mme ka lo raya ka re: ‘Se tshogeng le e seng go ba boifa! Morena, Modimo wa lona, yo o lo etelelang pele, ke ene yo o tla lo tlhabanelang fela jaaka a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona, le mo sekakeng kwa lo bonyeng teng jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo belege jaaka monna a tle a belege morwawe mo tseleng yotlhe e lo tsamaileng ka yona, ga tsamaya lwa ba lwa fitlha mo felong fano.’ Mme le fa go ntse jalo lo fela lo sa ikanye Morena, Modimo wa lona, yo o neng a lo etelela pele mo tseleng go lo batlela felo fa lo ka thibelelang teng, bosigo e le ka molelo go lo bonegela mo tseleng e lo tla tsamayang ka yona, motshegare e le ka leru. “Mme ya re Morena a utlwa mafoko a lo a buileng, a galefa, a ikana a re: ‘Ga go na ope mo banneng bao ba losika lo lo bosula loo yo o tla bonang lefatshe le le molemo le ke ikanneng go le naya borraeno, fa e se Kalebe morwa Jefune, ene o tla le bona. Lefatshe le o neng a le gata ke tla le mo naya le bana ba gagwe, ka a setse Morena morago ka botlalo.’ Le nna Morena o ne a nkgalefela ka ntlha ya lona a re: ‘Le wena ga o kitla o fitlha teng. Mme Jošua morwa Nune yo o go direlang ene o tla fitlha teng; mo tiise, gonne o tla le ruisa Baiseraele. “ ‘Mme bana ba bannye ba lona ba lo rileng, ba tla nna thopo, le bana ba lona ba kajeno ba sa itseng molemo le bosula, bone ba tla fitlha teng, ke tla le ba naya, ba tla le rua. Mme lona, boang lo kuologe lo ye kwa sekakeng ka tsela ya Lewatle la Motlhaka.’ “Ke fa lo mphetola lo re: ‘Re leofetse Morena. Jaanong re tla tlhatloga, re tlhabana fela jaaka Morena, Modimo wa rona, a re laetse.’ Lwa ba lwa tlhomela mongwe le mongwe dibolai tsa ntwa tsa gagwe, lwa re go botlhofo go tlhatlogela kwa dithabeng. “Mme Morena a nthaya a re: ‘Ba ree o re: Se tlhatlogeng le e seng go tlhabana, gonne ga ke na le lona gore lo se ka lwa fenngwa ke baba ba lona.’ Ya re ke lo bolelela lwa se ka lwa utlwa, mme lwa rukhutlhegela taelo ya Morena, lwa ikgogomosa, lwa tlhatlogela teng. Ke fa Baamori ba ba agileng mo dithabeng tseo ba bolola go lo kgatlhantsha, ba lo khutšhela jaaka go tle go dire dinotshe tsa semana, ba lo phatlalatsa go tloga kwa Seire go ya go fitlha kwa Horema. Ya re lo boa, lo lela fa pele ga Morena, Morena a se ka a reetsa mantswe a lona le e seng go lo sekegela tsebe. Lwa nna kwa Kateše malatsi a mantsi, e bong ona malatsi a lo neng lo nna teng ka ona. “Jaanong ra boa, ra kuologa ra ya kwa sekakeng ka tsela ya Lewatle la Motlhaka jaaka Morena a ntaetse, ra potologa dithaba tsa Seire malatsi a mantsi. “Morena a ba a nthaya a re: ‘Lo ntse lo dikadika dithaba tseo, jaanong go lekanye, thelelang lo ye kwa bokone. Laela morafe o re: Lo tla ralala naga ya ba ga lona boora Esau ba ba agileng kwa Seire, mme ba tla lo boifa. Fela lo itise thata gore lo se ka lwa lwa nabo; gonne ga nkitla ke lo naya sepe sa lefatshe la bone le e seng fa go lekanang pato ya lonao; ka gonne dithaba tsa Seire ke di neile Esau go nna tsa gagwe. Dijo lo di reke mo go bone ka madi gore lo je; le metsi lo a reke mo go bone gore lo nwe.’ “Gonne Morena, Modimo wa gago, o go tshegofaditse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago, o itse go sepela ga gago mo sekakeng se segolo seno. Morena, Modimo wa gago, o ne a ntse a na nao dinyaga di le 40 tseno, mme ga o a tlhoka sepe. “Ra ba ra ralala naga ya ba ga rona boora Esau ba ba agileng kwa Seire ka tsela ya lebala e e tswang kwa Elathe le kwa Esione-Gebere, ra ba ra thelela, ra fetela pele ka tsela e e yang kwa sekakeng sa Moabe. Ke fa Morena a nthaya a re: ‘O se ka wa rumola Bamoabe le e seng go lwa nabo. Gonne ga nkitla ke go naya sepe sa lefatshe la bone go nna boswa. Ka gonne naga ya Are ke e neile boora Lote go nna ya bone.’ ” ( Bogologolo Baemime ba ne ba agile mo go yona, e le morafe o mogolo wa batho ba bantsi, ba baleele ba ba tshwanang le mekaloba. Le bone ba ne ba kaiwa Barefaime jaaka mekaloba, mme Bamoabe ba ba bitsa Baemime. Le kwa Seire go ne go agile Bahori bogologolo, mme boora Esau ba ba leleka ba ba nyeletsa fa pele ga bone, ba nna teng mo boemong jwa bone jaaka Baiseraele ba diretse lefatshe la boswa jwa bone le Morena a le ba neileng.) “ ‘Jaanong he, nanogang lo tshele nokana ya Serete.’ Mme ra tshela nokana ya Serete. Malatsi a re sepetseng ka ona go tloga kwa Kateše-Barenea go ya re be re tshele nokana ya Serete e ne e le dinyaga di le 38, ga tsamaya losika lotlhe lwa banna ba batlhabani lwa fela mo bothibelelong jaaka Morena a ba ikanetse. Le gona seatla sa Morena sa nna sa ba itaya go ba fedisa mo bothibelelong ga tsamaya ba felelela. “Jaanong ya re banna botlhe ba batlhabani ba sena go felelela mo morafeng ka go swa, Morena a nthaya a re: ‘Kajeno o tla tlola molelwane wa Bamoabe fa motseng o o bidiwang Are. Jaanong fa o sena go atamela Baamone, o se ka wa ba rumola le e seng go tlhabana nabo; gonne ga nkitla ke go naya sepe sa lefatshe la Baamone go nna boswa; ka gonne ke le neile boora Lote gore e nne la bone.’ ” ( Le lone le ne le kaiwa lefatshe la Barefaime. Barefaime ba ne ba agile mo go lone bogologolo, mme Baamone ba ba bitsa Basamasumi. E ne e le morafe o mogolo wa batho ba bantsi ba baleele jaaka mekaloba, mme Morena a ba nyeletsa fa pele ga bone, mo ba bileng ba ba leleka, ba nna teng mo boemong jwa bone, jaaka a ne a direla boora Esau ba ba agileng kwa Seire, ba o neng a nyeletsa Bahori fa pele ga bone, mo ba bileng ba ba leleka, ba nna teng mo boemong jwa bone go fitlha letsatsing la kajeno. Le Baawi ba ba neng ba agile mo metsaneng go fitlha kwa Gasa ba nyeleditswe jalo. Bakhafethori ba ba tswang kwa Khafethore ba ne ba ba nyeletsa, ba nna teng mo boemong jwa bone.) “ ‘Nanogang lo kuologe lo tshele nokana ya Arenone. Bona, Sihone kgosi ya Hešebone wa Moamori ke mo neetse mo seatleng sa gago. Simolola o thope, o lwe nae. Kajeno ke tla simolola go baya letshogo la go go tshoga le poifo ya go go boifa mo merafeng fa tlase ga letsatsi gore mogang e utlwelang tumedi ya gago e tetesele e tlalelwe ka ntlha ya gago.’ “Ya re re le kwa sekakeng sa Ketemothe, ka roma barongwi kwa go Sihone kgosi ya Hešebone ka mafoko a kagiso, ka re: ‘Ntetlelele go ralala lefatshe la gago! Ke tla tsamaya mo tseleng fela, ke sa fapogele ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema. Dijo o ka di rekisa mo go nna ka madi gore ke je, le metsi o ka a nnaya ka madi gore ke nwe. Nte fela ke fete ka tsela jaaka ke diretswe ke boora Esau ba ba agileng kwa Seire le Bamoabe ba ba agileng kwa Are go tsamaya ke be ke tshele noka ya Joretane, ke fitlhe kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa rona, o tla le re nayang.’ “Mme Sihone kgosi ya Hešebone a gana re le ralala; gonne Morena, Modimo wa lona, o ne a kwatlaladitse, mowa wa gagwe, a thatafaditse pelo ya gagwe gore a tle a mo neele mo diatleng tsa lona jaaka go dirafetse jaanong. “Ke fa Morena a nthaya a re: ‘Bona, ke go neela Sihone le lefatshe la gagwe. Simolola o le thope gore o je lefatshe la gagwe boswa.’ Mme Sihone a bolola go re kgatlhantsha, ene le morafe otlhe wa gagwe, go tlhabana le rona kwa Jahase. Ke fa Morena, Modimo wa rona, a mo re neela, ra mo fenya le bomorwawe le morafe otlhe wa gagwe. Ra thopa metse yotlhe ya gagwe ka sebaka seo, ra dirafatsa khutso ya Modimo mo motseng mongwe le mongwe ka go bolaya banna le basadi le bana, ra se ka ra falodisa ope. Ra ithopela diruiwa fela le thopo ya metse e re e thopileng. Go tloga kwa motseng wa Aroere o o fa losing lwa nokana ya Arenone le go tloga motseng o o mo molapong go ya go fitlha kwa Gileate, ga re a ka ra palelwa ke motse ope. Morena, Modimo wa rona, a neela metse yotlhe mo diatleng tsa rona. Fela ga lo a ka lwa atamela lefatshe la Baamone, e bong naga yotlhe e e bapileng le nokana ya Jaboke le metse ya dithaba le tsotlhe tse Morena, Modimo wa rona, o neng a di re ileditse. “Ra ba ra tswelela, ra tlhatloga le tsela e e yang kwa Basane. Ke fa Oge kgosi ya Basane a bolola go re kgatlhantsha ene le morafe otlhe wa gagwe go tlhabana le rona kwa Eterei. Mme Morena a nthaya a re: ‘Se mmoife, gonne ke mo neetse mo seatleng sa gago le morafe otlhe wa gagwe le lefatshe la gagwe gore o mo direle jaaka o diretse Sihone, kgosi ya Baamori yo o neng a agile kwa Hešebone.’ “Ke fa Morena, Modimo wa rona, a neela le Oge, kgosi ya Basane, le morafe otlhe wa gagwe mo diatleng tsa rona; ra mo fenya, a ba a tlhoka yo o falolang. Ra thopa metse yotlhe ya gagwe ka sebaka seo; ga se ka ga nna motse ope o re se kang ra o ba amoga. E ne e le metse e le 60, e bong naga yotlhe ya Aregobe ya puso ya ga Oge kwa Basane. Metse yotlhe eo e ne e femetswe ka dipota tse di godimo le dikgoro le mephakarego, go sa balwe metse e mentsintsi e e sa femelwang. Ra ba dirafaletsa khutso ya Modimo jaaka re ne ra direla Sihone, kgosi ya Hešebone, ra senya motse mongwe le mongwe, ra bolaya banna le basadi le bana ka khutso ya Modimo. Mme diruiwa tsotlhe le thopo ya metse ra di ithopela. “Ra tsaya lefatshe jalo ka sebaka seo mo diatleng tsa dikgosi tse pedi tsa Baamori le le ka kwano ga Joretane go tloga nokaneng ya Arenone go ya go fitlha kwa thabeng ya Heremone. ( Heremone yoo Basitone ba mmitsa Sirione, mme Baamori ba mmitsa Senire.) Ra tsaya metse yotlhe ya lebala le Gileate yotlhe le Basane yotlhe go fitlha kwa Salega le kwa Eterei, metse ya puso ya ga Oge kwa Basane.” Gonne Oge kgosi ya Basane o ne a setse a le esi fela wa masalela a Barefaime. Bonang, letlole le a fitlhilweng ka lone la tshipi le kwa Raba mošate wa Baamone. Boleele jwa lone ke mabogo a le 9, bophara jwa lone ke mabogo a le 4, ka fa letsogong la monna. “Lefatshe leo ra le thopa ka sebaka seo. Jaanong ka naya Barubene le Bagate naga go tloga kwa Aroere yo o fa nokaneng ya Arenone le bontlhanngwe jwa dithaba tsa Gileate le metse ya teng. Ka ba ka naya bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase naga e e setseng ya Gileate le Basane yotlhe, e bong puso ya ga Oge; ke naga yotlhe ya Aregobe.” Basane yotlhe yoo o bidiwa lefatshe la Barefaime. Jaire oora Manase a tsaya naga yotlhe ya Aregobe go fitlha kwa molelwaneng wa Bakesure le Bamaagatha, a bitsa metsana ya teng ya Basane ka leina la gagwe: Metsana ya ga Jaire. E bidiwa jalo go fitlha letsatsing leno. “Magire ene ke mo neile Gileate. Barubene le Bagate ke ba file naga go tloga kwa Gileate go fitlha kwa nokaneng ya Arenone, molelwane o le fa gare ga nokana, le go fitlha kwa nokaneng ya Jaboke molelwane wa Baamone le lebala la Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi, Joretane e le molelwane go tloga kwa Khinerethe go fitlha kwa Lewatleng la Lebala, e bong Lewatleng la Letswai fa tlase ga thaba ya Phiseka. “Ka sebaka seo ka lo laela ka re: ‘Morena, Modimo wa lona, o lo neile lefatshe leo go le rua. Fela lona lotlhe ba lo nonofetseng tlhabano lo tshwanetse go etelela ba ga lona, Baiseraele, pele lo tlhometse. Ke basadi ba lona le bana ba lona fela ba ba tla salang mo metseng ya lona e ke e lo fileng mmogo le diruiwa tsa lona. Ke a itse gore lo na le diruiwa tse dintsi. Fa Morena a sena go naya ba ga lona boikhutso jaaka lona, mme le bone ba rua lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o tla le ba nayang kwa moseja ga Joretane, foo lo ka boela kwa gae, mongwe le mongwe kwa bosweng jwa gagwe jo ke bo lo fileng.’ “Le gona ke laetse Jošua ka sebaka seo ka re: ‘Matlho a gago a bonye tsotlhe tse Morena, Modimo wa lona, a di diretseng dikgosi tse pedi tseo. Morena o tla direla magosi otlhe jalo a o tla tshelelang kwa go ona. Lo se ka lwa ba boifa; gonne ke Morena, Modimo wa lona, yo o lo tlhabanelang.’ “Ke ne ka kokotlela bopelotlhomogi mo Moreneng ka sebaka seo ka re: ‘Morena Modimo, o simolotse go supetsa motlhanka wa gago bogolo jwa gago le letsogo la gago le le tiileng; gonne modimo ke ofe kwa legodimong le mono lefatsheng o o ka dirang ditiro tse di tshwanang le tsa gago, wa dira ka thata e kgolo jaaka wena? Tsweetswee nte ke tshelele kwa moseja, ke bone lefatshe le lentle le le kwa moseja ga Joretane le dithaba tse dintle tsele le tsa Lebanone!’ “Mme Morena o ne a sa ntse a nkgalefetse ka ntlha ya lona, a se ka a nkutlwa. Morena a nthaya a re: ‘Go ntse! O se ka wa tlhola o bua gape le nna ka ga seo se. Tlhatlogela kwa setlhoeng sa thaba ya Phiseka, o tlhaeletse matlho a gago kwa bophirimatsatsi le kwa bokone le kwa borwa le kwa botlhabatsatsi, o le bone ka matlho a gago. Ka gonne ga o kitla o tshela Joretane yo. Mme laya Jošua, o mo tiise, o mo nonotshe; gonne ene o tla tshela, a etelela morafe o pele, a ba jesa lefatshe boswa le o tla le bonang.’ “Ra nna jalo mo lebaleng le le lebaganyeng le Bethe-Pheore. “Jaanong he, Baiseraele, utlwang melao le ditshiamelo tse ke di lo rutang go di dirisa gore lo tle lo phele, lo tsene, lo rue lefatshe le Morena, Modimo wa borraeno, o tla le lo nayang. Lo se ka lwa oketsa tse ke di lo laelang le e seng go di fokotsa, mme lo tlhokomele ditaolo tsa Morena, Modimo wa lona, tse ke di lo laelang. Matlho a lona a bonye tse Morena o di dirileng ka ntlha ya ga Baale-Pheore; gonne botlhe ba ba neng ba latela Baale-Pheore Morena, Modimo wa lona, o ba nyeleditse, a ba tlosa mo go lona. Mme lona ba lo ngaparetseng Morena, Modimo wa lona, lo sa ntse lo tshela gompieno. “Bonang! Ke lo rutile melao le ditshiamelo ka fa Morena, Modimo wa me, a ntaetseng ka teng gore lo dire jalo mo lefatsheng le lo tla tsenang mo go lone go le rua. Di tlhokomeleng lo dire ka tsona! Gonne gona e tla nna botlhale jwa lona le tlhaloganyo ya lona mo matlhong a merafe. E re ba utlwela melao yotlhe eo, ba re: ‘Ruri, setšhaba se segolo se ke morafe o o tlhalefileng o o nang le tlhaloganyo!’ “Gonne setšhaba se segolo ke sefe se se nang le modimo o o gaufi naso, jaaka Morena, Modimo wa rona, a le gaufi le rona ka nako le nako e re mmitsang ka yona? Gape setšhaba se segolo ke sefe se se nang le melao le ditshiamelo tse di tshwanang le molao otlhe o ke o bayang fa pele ga lona gompieno? Fela lo itise, lo ipoloke thata gore lo se ka lwa lebala ditirafalo tse matlho a lona a di bonyeng gore di se ka tsa timelela mo pelong tsa lona ka malatsi otlhe a botshelo jwa lona, mme lo di bolelele bana ba lona le bana ba bana ba lona; se lebaleng letsatsi le lo neng lo eme fa pele ga Morena, Modimo wa lona, kwa Horebe ka lone, jale fa Morena a nthaya a re: ‘Mphuthele morafe, ke tla ba utlwisa mafoko a me gore ba ithute go mpoifa ka malatsi otlhe a ba phelang ka ona mo lefatsheng, ba be ba a rute bana ba bone.’ “Ke fa lo atamela, lo ema fa tlase ga thaba, mme thaba ya tuka molelo, wa fitlha fa gare ga legodimo; go bile go le lefifi le maru le bontsho jwa maru. Mme Morena a bua le lona a le mo molelong; tumo ya mafoko lwa e utlwa, e le tumo fela, mme lwa se ka lwa bona ope yo o buang. A lo itsise kgolagano ya gagwe e a lo laotseng go e dirisa, e bong mafoko a some, a a kwala mo matlapeng a maboti a mabedi. Mme nna Morena a ntaela ka sebaka seo go lo ruta melao le ditshiamelo gore lo di dirise mo lefatsheng le lo tla tshelelang kwa go lone go le rua. “Ka moo lo itiseng thata ka ntlha ya maphelo a lona. Gonne ga lo a ka lwa bona sebopego sa Modimo ka letsatsi le Morena o buileng le lona ka lone kwa Horebe a le mo molelong – e se re gongwe lwa leofa, lwa itirela setshwantsho se se setilweng sa modimo mongwe, e bong setshwantsho sa monna gongwe sa mosadi le fa e le setshwantsho sa setshedi sengwe se se mo lefatsheng gongwe setshwantsho sa nonyane nngwe ya diphuka e e fofang mo loaping; le fa e le setshwantsho sa sengwe se se gagabang fa fatshe gongwe setshwantsho sa tlhapi nngwe e e mo metsing fa tlase ga lefatshe e se re gongwe ya re lo tsholeletsa matlho kwa legodimong, lo bona letsatsi le ngwedi le dinaledi, lesomo lotlhe la legodimo, lwa raelega, lwa di obamela, lwa di direla, tseo Morena, Modimo wa lona, o di abetseng merafe yotlhe fa tlase ga legodimo lotlhe. Mme lona Morena o lo tsere, a lo ntsha mo leisong le le gakolosang tshipi, e bong kwa Egepeto gore lo nne morafe wa gagwe wa boswa jaaka go ntse gompieno. Mme nna, Morena o ne a nkgalefetse ka ntlha ya lona, mo a bileng a ikana gore ga ke ne ke tshela Joretane le e seng go tsena mo lefatsheng le lentle le Morena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang gore e nne la lona; nna ke tla swela mo lefatsheng leno, ke sa tshele Joretane, mme lona lo tla tshela, lo rua lefatshe le lentle lele. Itiseng he gore lo se lebale kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, e o e dirileng le lona, le e seng go itirela setshwantsho sa modimo le fa e le sa sebopego sefe; ke mo Morena, Modimo wa lona o go lo ileditseng. Gonne Morena, Modimo wa lona, ke molelo o o jang, ke Modimo o o lefufa. “Fa e ka re lo se na go tsala bana, le bana ba bana, lo se na go tlwaela mo lefatsheng lwa senya, lwa dira setshwantsho sa modimo, le fa e le sa sebopego sefe, lwa dira tse di bosula mo matlhong a Morena, Modimo wa lona, go mo gakatsa, gona ke lo biletsa legodimo le lefatshe kajeno go nna basupi ba gore ruri lo tla latlhega ka pele, lo tlosiwa mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya teng go le rua; gona ga lo kitla lo nna sebaka se seleele mo go lone, mme ruri, lo tla nyelediwa. Morena o tla lo falaletsa kwa merafeng, mme lo tla sala lo le ba se kae fela mo ditšhabeng kwa Morena a tla lo isang teng. Teng lo tla direla medimo e e leng tiro ya diatla tsa batho fela ya logong le ya lentswe, e e sa itseng go bona le go utlwa le go ja le go dupa. Lo tla batla Morena, Modimo wa lona, lo le teng koo, lo ba lo mmona fa lo mmatla ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe. E tla re lo tlaletswe mme dilo tsotlhe tseo di lo dirafalela sebakeng sa bofelo, gona lo tla boela Moreneng, Modimo wa lona, lo reetsa lentswe la gagwe. Gonne Morena, Modimo wa lona, ke Modimo o o boutlwelo-botlhoko; ga a kitla a lo tlogela, ga a kitla a lo senya le e seng go lebala kgolagano e a e ikanetseng borraeno. “Kana lo ka botsolotsa tsa malatsi a pele, lo ise lo nne teng, tsa go tloga ka letsatsi le Modimo o bopileng motho mo lefatsheng ka lone le tsa go tloga mafelelong a legodimo go ya go fitlha mafelelong a mangwe a legodimo gore a go kile ga dirafala dilo tse dikgolo tse di ntseng jalo gongwe a go utlwetswe tse di ntseng jalo? A go na le morafe o o kileng wa utlwa lentswe la Modimo o bua o le mo molelong jaaka lona lo o utlwile, mme lwa phela? Kampo a go na le modimo mongwe o o kileng wa tla go itseela setšhaba mo gare ga setšhaba se sengwe ka diteko le ka ditshupo le ka dikgakgamatso le ka ntwa le ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng le ka ditheregiso tse dikgolo fela jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona? “Lona lo di bontshitswe gore lo itse fa Morena e le ene Modimo, mme go se na ope o sele kwa ntle ga ona. O lo utlwisitse lentswe la gagwe a le kwa legodimong gore a lo rute; a ba a lo bontsha molelo o mogolo wa gagwe mo lefatsheng, mme lwa utlwa mafoko a gagwe a tswa mo molelong. E re ka a ratile borraeno, a tlhopha bana ba bone sehularong sa bone, a ba a lo ntsha kwa Egepeto ka esi ka thata e kgolo ya gagwe gore a tle a leleke ditšhaba tse dikgolo tse di thata bogolo go lona fa pele ga lona, a be a lo fitlhise, a lo nee lefatshe la tsona go nna boswa jaaka go ntse gompieno. Ka moo he itseng kajeno, lo be lo ele tlhoko, fa Morena e le ene Modimo kwa godimo mo legodimong le fa tlase mono lefatsheng, go se na ope o sele. Jaanong lo tlhokomele melao ya gagwe le ditaolo tsa gagwe tse ke di lo laelang kajeno gore lo phele sentle le bana ba lona sehularong sa lona, e le gore lo tshele sebaka se seleele mo nageng e Morena, Modimo wa lona, o tla e lo nayang go nna ya lona ka metlha yotlhe.” Metlheng eo Moše o ne a tlhaola metse e le meraro kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi gore go tshabele teng mmolai yo o ka bolayang mongwe-ka-ene e se ka bomo, a sa mo tlhoa pele, gore a tshabele kwa go o mongwe wa metse eo, a tshele: E bong Besere mo sekakeng sa naga ya lebala go nna wa Barubene le Ramothe kwa Gileate go nna wa Bagate le Golane kwa Basane go nna wa Bamanase. Ke ona molao o Moše o o beileng fa pele ga Baiseraele. Ke tsona ditshupo le melao le ditshiamelo tse Moše o di boleletseng Baiseraele ba sena go huduga kwa Egepeto, ba le kwa moseja ga Joretane mo molapong o o lebaganyeng le Bethe-Pheore kwa lefatsheng la ga Sihone, kgosi ya Baamori, yo o neng a agile kwa Hešebone, yo Moše a mo fentseng a na le Baiseraele ba sena go huduga kwa Egepeto. Ba bile ba thopa lefatshe la gagwe le lefatshe la ga Oge kgosi ya Basane, tsona dikgosi tse pedi tsa Baamori tse di neng di le kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi; ba le thopa go tloga kwa Aroere yo o fa losing lwa nokana ya Arenone go fitlha kwa thabeng ya Sirione, e bong ya Heremone le lebala lotlhe kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi go ya go fitlha kwa Lewatleng la Lebala fa tlase ga thaba ya Phiseka. Jaanong Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Lona Baiseraele, utlwang melao le ditshwanelo tse ke di buang mo ditsebeng tsa lona gompieno, lo di ithute, lo tlhokomele gore lo dire ka tsona. Morena, Modimo wa rona, o dirile kgolagano le rona kwa Horebe. Morena ga a ka a dira kgolagano eo le borraarona fela, mme e le le rona ka rosi ba re phelang, le rona rotlhe ba re leng fano kajeno. Morena o buile le lona kwa thabeng a le mo molelong, difatlhego di lebaganye. ( Nna ke eme fa gare ga Morena le lona ka sebaka seo gore ke lo itsise lefoko la Morena; gonne lo ne lo boifa molelo, lo sa ka ke lwa tlhatlogela kwa thabeng.) Morena a re: “ ‘Ke nna Morena, Modimo wa gago, yo ke go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka. “ ‘O se nne le medimo epe e sele ke ntse ke le teng. “ ‘O se ka wa itirela modimo wa seseto, le fa e le setshwantsho sepe sa tse di kwa godimo mo legodimong, le fa e le sa tse di mo lefatsheng, gongwe sa tse di mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. “ ‘O se ka wa e obamela le e seng go e direla. Gonne nna Morena, Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa o ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo le go ya losikeng lwa boraro le lwa bone mo go ba ba ntlhoileng. Mme ba tshika di le dikete ba ba nthatang le go tlhokomela ditaolo tsa me ke ba direla ka bopelotlhomogi. “ ‘O se ka wa bolela leina la Morena, Modimo wa gago, mo go sa tshwanelang; gonne yo o bolelang leina la gagwe mo go sa tshwanelang, Morena ga a kitla a mo lesa a sa mmetse. “ ‘Tlhokomela letsatsi la Sabata gore o le itshepise, jaaka Morena, Modimo wa gago, a go laetse. Dira ka malatsi a marataro, o fetse tiro yotlhe ya gago. Mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa Morena, Modimo wa gago. Se dire tiro epe ka lone, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le kgomo ya gago le esele ya gago le seruiwa sengwe le sengwe sa gago le moeng wa gago yo o mo dikgorong tsa gago gore motlhanka wa gago le lelata la gago ba ikhutse jaaka wena. O nne o gakologelwe gore o ne o le motlhanka kwa lefatsheng la Egepeto, mme Morena, Modimo wa gago, a go ntsha teng ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng. Ke ka moo Morena, Modimo wa gago, a go laetseng gore o ilele letsatsi la Sabata. “ ‘Tlotla rraago le mmaago jaaka Morena, Modimo wa gago, a go laetse gore malatsi a gago a nne mantsi le gore o tshele sentle mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang. “ ‘O se ka wa bolaya. “ ‘Le gona o se ka wa akafala. “ ‘Le gona o se ka wa utswa. “ ‘Le gona o se ka wa bua maaka ka ga mongwe-ka-wena. “ ‘Le gona o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe-ka-wena. Le gona o se ka wa eletsa ntlo ya mongwe-ka-wena le e seng tshimo ya gagwe le e seng motlhanka wa gagwe le e seng lelata la gagwe le e seng kgomo ya gagwe le e seng esele ya gagwe le e seng sepe se e leng sa mongwe-ka-wena.’ “Ke ona mafoko a Morena o a buileng le phuthego yotlhe ya lona kwa thabeng a le mo molelong le mo lerung le mo bontshong ka lentswe le legolo, a se ka a oketsa sepe; a ba a a kwala mo matlapeng a maboti a mabedi, a a nneela. “Mme e rile lo utlwa lentswe le tswa mo lefifing, lo bona thaba e ntse e tuka molelo, lwa tla go nna, e bong ditlhogo tsotlhe tsa ditso tsa lona le bagolo ba lona, lwa re: ‘Bona, Morena, Modimo wa rona, o re supeditse kgalalelo ya gagwe le bogolo jwa gagwe, mme re utlwile lentswe la gagwe le tswa mo molelong. Kajeno re bonye gore Modimo o ka bua le motho, mme a tshela. Jaanong he, re tla swelang? Kana molelo o mogolo oo o tla re ja; fa re sa ntse re tswelela pele go utlwa lentswe la Morena, Modimo wa rona, re ka swa. Gonne ke mang mo bathong botlhe yo o kileng a utlwa lentswe la Modimo o o phelang, o bua o le mo molelong jaaka rona re le utlwile, mme a tshela? A go atamele wena, o utlwe tsotlhe tse Morena, Modimo wa rona, o tla di buang, o be o re bolelele tsotlhe tse Morena, Modimo wa rona, o tla di buang nao; re tla di utlwa, re di dirisa.’ “Mme e rile Morena a utlwa mafoko a lona, fa lo bua le nna, Morena a nthaya a re: ‘Ke utlwile mafoko a batho ba a ba a buileng nao; tsotlhe tse ba di buileng di siame. E kete ba ka bo ba ntse ba na le dipelo tse di ntseng jalo gore ba mpoife, ba tlhokomele ditaolo tsa me tsotlhe ka metlha yotlhe gore ba tle ba tshele sentle le bana ba bone ka bosakhutleng. Yaa o ba ree o re: Boelang kwa ditenteng tsa lona. Mme wena sala fano o eme fa go nna, ke tle ke go bolelele ditaolo tsotlhe le melao le ditshwanelo tse o tla di ba rutang gore ba dire ka tsona mo lefatsheng le ke tla le ba nayang go le ja boswa.’ “Tlhokomelang he gore lo dire jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo laetse; lo se ka lwa fapogela ntlheng ya le le jang le e seng mo ntlheng ya la molema. Sepelang gotlhe fela mo tseleng e Morena, Modimo wa lona, a e lo laetseng gore lo tle lo tshele, lo tlhogonolofale, lo nne malatsi a mantsi mo lefatsheng le lo tla le ruang. “Ke yona taolo le melao le ditshwanelo tse Morena, Modimo wa lona, o laetseng go di lo ruta gore lo di dirise mo lefatsheng le lo tla tshelelang kwa go lone go le rua; ke tsa gore o boife Morena, Modimo wa gago, o tlhokomele melao yotlhe ya gagwe le ditaolo tsa gagwe tse ke di go laelang, wena le morwao le morwa-morwao ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago gore malatsi a gago a nne mantsi. Di utlwe, Iseraele, o tlhokomele go dira ka tsona gore o phele pila le gore lo ate thata, jaaka Morena, Modimo wa borraeno, a go solofeditse lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. “Utlwa, Iseraele! Morena, Modimo wa rona, ke ene Morena a le esi fela. Ene Morena, Modimo wa gago, o mo rate ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka thata yotlhe. Mafoko ao a ke a go laelang kajeno a a nne mo pelong ya gago. O a tiisetse bana ba gago, o bue ka ga ona, fa o dutse mo ntlong ya gago gongwe fa o tsamaya mo tseleng gongwe fa o ya go robala gongwe fa o tsoga. O a bofelele mo seatleng sa gago go nna sesupo; a a nne fa gare ga matlho a gago gore a se ka a go gaka. O a kwale mo mephakaregong fa mojakong wa ntlo ya gago le mo dikgorong tsa gago. “Mme e re fa Morena, Modimo wa gago, a sena go go fitlhisa kwa lefatsheng le a le ikanetseng borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe go le go naya, le le nang le metse e megolo e mentle e o sa e agang, le matlo a a tletseng dithoto tsa mefutafuta tse o sa di rekang le mekwele e o sa e gabang le masimo a meweine le ditlhare tsa olefa tse o sa di tlhomang, fa o sena go ja o kgotshe foo o itise gore o se lebale Morena yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka, mme o boife Morena, Modimo wa gago, o mo direle, o ikane ka leina la gagwe. Se lateleng medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya lona – gonne Morena, Modimo wa gago, o mo gare ga gago, e le Modimo o o lefufa – e se re gongwe bogale jwa Morena, Modimo wa gago, jwa go tukela, mme a go nyeletsa mo lefatsheng. “Lo se ka lwa leka Morena, Modimo wa lona, jaaka lo kile lwa mo leka kwa Masa. Ditaolo tsa Morena, Modimo wa lona, le ditshupo tsa gagwe le melao ya gagwe e o e lo laetseng, lo di tlhokomele ka tlhoafalo. Dira tse di tlhamaletseng le tse di siameng mo matlhong a Morena gore o tle o phele pila, o be o fitlhe, o rue lefatshe le lentle le Morena a le ikanetseng borraeno, o le rue ka go leleka baba botlhe ba gago fa pele ga gago, jaaka Morena a buile. “E ne e re fa morwao a go botsa ka metlha e e tlang a re: ‘Ditshupo le melao le ditshwanelo tse Morena, Modimo wa rona, o di lo laetseng ke tsa go reng?’ o mo raya o re: ‘Re ne re le batlhanka ba ga Farao kwa Egepeto, mme Morena a re ntsha kwa Egepeto ka letsogo le le tiileng. Morena a ba a dira ditshupo le dikgakgamatso tse dikgolo le tse di setlhogo kwa Egepeto mo go Farao le mo go botlhe ba lapa la gagwe fa pele ga matlho a rona; a re hudutsha teng gore a tle a re fitlhise go re naya lefatshe le a le ikanetseng borraetsho. Ke ene Morena yo o re laetseng go dira ka fa melaong yotlhe eo ka go boifa Morena, Modimo wa rona, gore re tle re tshele sentle ka malatsi otlhe, mme a re tshedise jaaka go ntse kajeno. E tla nna tshiamo ya rona, fa re tlhokomela go dira ka fa taelong eo gotlhe fa pele ga Morena, Modimo wa rona, jaaka a re laetse.’ “E re fa Morena, Modimo wa gago, a go fitlhisa kwa lefatsheng le o tla yang kwa go lone go le rua, mogang a lelekang ditšhaba tse dikgolo fa pele ga gago, e bong Bahethe le Bagiregasi le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ditšhaba tse dikgolo di supa tse di thata bogolo go wena, mme Morena, Modimo wa gago, a di go neela gore o di fenye, foo o di bolae gotlhe di hutsitswe ke Modimo, mme o se ka wa dira kgolagano natso le e seng go di utlwela botlhoko. Le gona lo se ka lwa nyalana nabo: Bomorwadia-lona lo se ka lwa ba neela bomorwa-bone; le gona bomorwadia-bone lo se ka lwa ba tseisa bomorwa-lona. Gonne ba ka ikepisa bomorwa-lona mo go nna gore ba direle medimo e sele, mme bogale jwa Morena bo ka lo tukela, a lo nyeletsa ka pele. Mme lo ba direle jaana: Senyang dialetare tsa bone, lo thubaganye majwe a a motloutlo a bone, lo remaganye medimako ya Ašera ya bone, lo fise medimo ya diseto ya bone ka molelo. Gonne lo morafe o o itshepetseng Morena, Modimo wa lona. Morena, Modimo wa lona, o lo tlhophile go nna morafe wa gagwe o a o ruileng, a o tlhaotse mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng. “Fa Morena a lo ratile, a lo tlhopha, ga se ka gonne lo feta merafe yotlhe ka bontsi – kana lo morafe o monnyennye mo merafeng yotlhe – mme Morena o ne a lo hudutsha ka letsogo le le tiileng, a lo golola mo ntlong ya botlhanka mo seatleng sa ga Farao kgosi ya Egepeto, ka Morena a lo ratile, a tlhokomela maikano a o neng a a ikanetse borraalona. Lemoga he, fa Morena, Modimo wa gago, e le ona Modimo wa nnete, ona Modimo o o ikanyegang; ba ba o ratang, ba tlhokomela ditaolo tsa ona, o ba bolokela kgolagano le bopelotlhomogi go ya losikeng lwa sekete. Mme ba ba o tlhoileng o tla ba busolosa, o ba tlhamalaleditse ka go ba isa tatlhegong; ga o kitla o diegela yo o o tlhoileng, o tla mmusolosa, o mo tlhamalaleditse. Tlhokomela he taelo le melao le ditshwanelo tse ke di go laelang kajeno gore o dire ka tsona. “E re ka lo tla reetsa ditshwanelo tseo, lo di tlhokomela, lo dira ka tsona, Morena, Modimo wa lona, o tla lo bolokela kgolagano le bopelotlhomogi tse a di ikanetseng borraalona. O tla go rata, a go tshegofatsa, a go atisa; a ba a tshegofatsa leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago, e bong mabele a gago le matute a moweine a gago le lookwane lwa gago le dinamane tsa dikgomo tsa gago le dikwana le dipotsane tsa difutshane tsa gago mo lefatsheng le a le ikanetseng borraeno go le go naya. O tla bo o tshegofaditswe bogolo go merafe yotlhe. Ga go kitla go nna le moopa mo go wena wa monna gongwe wa mosadi, le e seng moreba mo diruiweng tsa gago. Morena o tla tlosa bolwetse bongwe le bongwe mo go wena. Ga a kitla a go bolaya ka malwetse ape a Egepeto a a botlhoko a o a itseng, mme o tla a bolaisa botlhe ba ba go tlhoileng. O tla nyeletsa merafe yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o tla e go neelang. A leitlho la gago le se ka la ba rekegela. O se ka wa direla medimo ya bone; gonne moo e ka nna seru mo go wena. “Fa o ka akanya mo pelong ya gago o a re: ‘Ditšhaba tse, di dikgolo go mpheta; nka kgona jang go di leleka?’ Se di boife, mme o nne o gopole tse Morena, Modimo wa gago, a di diretseng Farao le Baegepeto botlhe le diteko tse dikgolo tse matlho a gago a di bonyeng le ditshupo le dikgakgamatso le seatla se se tiileng le letsogo le le otlologileng, tseo Morena, Modimo wa gago, a go hudusitseng ka tsona. Morena, Modimo wa gago, o tla direla merafe yotlhe jalo e o e boifang. Le gona Morena, Modimo wa gago, o tla ba romela mefukgomo go tsamaya ba ba setseng ba ba iphitlhileng fa pele ga gago ba be ba nyelele. O se ka wa ba tshoga; gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao e le Modimo o mogolo o o boitshegang. Morena, Modimo wa gago, o tla leleka ditšhaba tseo fa pele ga gago a iketlile; ga lo ka ke lwa di fedisa ka pele, e se re gongwe dibata tsa naga tsa lo atela. Morena, Modimo wa gago, o tla di go neela, a di tseanya ka tseanyo e kgolo go tsamaya di be di nyelediwe. O tla neela dikgosi tsa tsona mo seatleng sa gago gore o nyeletse maina a tsona fa tlase ga letsatsi; ga go na ope yo o tla itseng go emelana nao go tsamaya o be o ba nyeletse. Ditshwantsho tsa medimo ya diseto ya bone o di fise ka molelo. Se eletse selefera gongwe gouta tse di mo go tsona le e seng go di itseela, e se re gongwe wa raelwa ka tsona; gonne ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago. O se ka wa tsenya maila ao mo ntlong ya gago, wa tloga wa nna yo o hutsitsweng ke Modimo jaaka tsona; o di kae maila, di go tene tota, gonne di hutsitswe ke Modimo. “Taelo yotlhe e ke e lo laelang gompieno lo e tlhokomele go dira ka yona gore lo tle lo phele, lo ate, lo fitlhe, lo rue lefatshe le Morena o le ikanetseng borraalona. Gopola tsela yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o go tsamaisitseng mo go yona dinyaga tse di 40 kwa sekakeng gore a tle a go kokobetse, a go leke, a itse tse di mo pelong ya gago gore a o tla tlhokomela ditaolo tsa gagwe gongwe nnyaya. O ne a go kokobetsa, a go bolaisa tlala, a ba a go otla ka Mmana o o neng o sa o itse le e seng borraeno, e le go re a go lemotshe gore motho ga a phele ka dijo di le tsosi fela, mme motho o phela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Morena. Diaparo tsa gago ga di a ka tsa go onalela le dinao tsa gago ga di a ka tsa ruruga dinyageng tsotlhe tse di 40. Lemoga he mo pelong ya gago, fa Morena, Modimo wa gago, a go godisa jaaka monna a godisa morwawe, o tlhokomele ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, ka go sepela mo ditseleng tsa gagwe le ka go mmoifa. Gonne Morena, Modimo wa gago, o tla go isa kwa lefatsheng le lentle kwa lefatsheng la dinokana tsa metsi le metswedi le metlhodi e e elang mo teng ga lefatshe, e e tswelang mo melapong le kwa dithabeng, kwa lefatsheng la korong le garase le meweine le difeie le digaranata, kwa lefatsheng la ditlhare tsa lookwane tsa olefa le dinotshe. Ke lefatshe le o se kitlang o ja dijo mo go lone ka thekisego; ga o kitla o tlhoka sepe mo go lone. Ke lefatshe le mafika a lone e leng ntswetshipi, le o tla epang kgotlho mo dithabeng tsa lone. Mme e re o ja o kgora, o tumise Morena, Modimo wa gago, ka ntlha ya lefatshe le lentle le o le go neileng. “Itise gore o se lebale Morena, Modimo wa gago, ka go tlhokomologa ditaolo tsa gagwe le ditshiamelo tsa gagwe le melao ya gagwe tse ke di go laelang gompieno. E se ka ya re fa o ja, o kgora, o aga matlo a mantle, o nna mo go ona, dikgomo tsa gago le difutshane di ata, le selefera le gouta di go ntsifalela, le tsotlhe tse o nang natso di ntsifala, pelo ya gago ya ikgogomosa, mme wa lebala Morena, Modimo wa gago, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka; yo o go tsamaisitseng mo sekakeng se segolo se se boitshegang, kwa go leng dinoga tse di bogale teng le diphepheng, le naga e e omeletseng e e se nang metsi; yo o neng a go ntshetsa metsi mo lefikeng le le thata; yo o neng a go jesa Mmana mo sekakeng, o borraeno ba neng ba sa o itse gore a go kokobetse le go go leka gore a tle a go direle tse di molemo kwa bofelong. Go seng jalo o ne o tla bua mo pelong ya gago o re: ‘Thata ya me le nonofo ya seatla sa me ke tsona tse di ntiretseng khumo eo.’ Mme o gopole Morena, Modimo wa gago; gonne ke ene yo o go nayang thata go ka bona khumo gore a tlhomamise kgolagano ya gagwe e e ikanetseng borraeno jaaka go dirafetse kajeno. Mme fa lo ka lebala Morena, Modimo wa lona, tota, lwa latela medimo e sele, lwa e direla, lwa e obamela, gona ke lo tlhomamisetsa kajeno gore lo tla latlhega ruri; lo tla latlhega jaaka ditšhaba tse Morena o tla di latlhang fa pele ga lona ka lo se ka lwa utlwa lentswe la Morena Modimo wa lona. “Utlwa, Iseraele, o tla tshela Joretane gompieno go ya go fenya ditšhaba tse dikgolo tse di thata bogolo go wena le metse e megolo e e femetsweng go fitlha kwa legodimong le morafe o mogolo wa batho ba baleele, e bong mekaloba, boora Enake ba o ba itseng, ba o ba utlwetseng ga twe: ‘Ke mang yo o ka emelanang le boora Enake?’ Itse he kajeno gore ke Morena, Modimo wa gago, yo o tla tshelang, a go etelela pele e le molelo o o jang; ke ene yo o tla ba nyeletsang, a ba kokobetsa fa pele ga gago gore o tle o ba leleke, o ba nyeletse ka pele jaaka Morena a go solofeditse. “E re fa Morena, Modimo wa gago, a ba leleka fa pele ga gago, o se ka wa ithaya o a re: ‘Morena o ntlisitse kwano gore ke rue lefatshe le ka ntlha ya tshiamo ya me,’ etswe e le ka ntlha ya boikepo jwa ditšhaba tseo, fa Morena a di leleka fa pele ga gago. Ga se ka ntlha ya tshiamo ya gago, fa o ya go rua lefatshe la bone, mme ke ka ntlha ya boikepo jwa ditšhaba tseo, fa Morena, Modimo wa gago, a di leleka fa pele ga gago le ka ntlha ya gore a dirafatse lefoko le o le ikanetseng borraeno, e bong Aborahame le Isaka le Jakobe. Itse he go re, ga se ka ntlha ya tshiamo ya gago, fa Morena, Modimo wa gago, a go naya lefatshe le lentle le gore o le rue. Gonne lo morafe wa dithamo tse di thata. Gakologelwang, lo se ka lwa lebala ka fa lo galefisitseng Morena, Modimo wa lona, ka teng kwa sekakeng. Go tloga ka letsatsi le lo hudugileng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go tsamaya lwa ba lwa fitlha felong fano, lo ne lo ntse lo rukhutlhegela Morena. Lo sa le lo galefisa Morena kwa Horebe, mo Morena a bileng a re o a lo nyeletsa. E ne e le jale fa ke tlhatlogetse kwa thabeng go amogela matlapa a maboti, e bong matlapa a kgolagano e Morena a e dirileng le lona, ka nna kwa thabeng malatsi a le 40 le masigo a le 40, ke sa je, ke sa nwe. Mme Morena a nneela matlapa a mabedi a maboti a a kwadilweng ke monwana wa Modimo; mo go ona go le mafoko otlhe ka fa Morena a buileng le lona ka teng kwa thabeng a le mo molelong ka letsatsi la pitso ya morafe. E rile malatsi a le 40 le masigo a le 40 a sena go feta, Morena a nneela matlapa a mabedi a maboti, e bong matlapa a kgolagano. “Morena a ba a nthaya a re: ‘Nanoga o fologe ka pele, gonne morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa Egepeto o sentse. Ba akofile ba fapoga mo tseleng e ke e ba laetseng, ba itirela modimo o o bopilweng.’ “Morena a ba a nthaya a re: ‘Ke bonye morafe o, ka fitlhela e le morafe wa dithamo tse di thata. Nte he, ke ba nyeletse, ke phimole leina la bone fa tlase ga legodimo, ke go dire setšhaba se se thata, se segolo go ba feta.’ “Ka hulara, ka fologa mo thabeng, thaba e ntse e tuka molelo, ke tshotse matlapa a mabedi a kgolagano ka diatla tsoo pedi. Ka leba ka fitlhela lo leofetse Morena, Modimo wa lona, lo itiretse namane e e bopilweng, lo akofile go fapoga mo tseleng e Morena o neng a e lo laetse. Ka ba ka tshwara matlapa a mabedi ka a latlha mo diatleng tsoo pedi, ka a thubaganya mo matlhong a lona. Ka wela fa fatshe fa pele ga Morena malatsi a le 40 le masigo a le 40 jaaka ga ntlha, ke sa je, ke sa nwe, ka ntlha ya maleo otlhe a lona a lo a dirileng ka go dira tse di bosula mo matlhong a Morena go mo gakatsa. Ka gonne ke ne ke boifa bogale le kgalefo tse Morena o neng a lo gakaletse ka tsona, mo o bileng a re o a lo nyeletsa, mme Morena a nkutlwa le ka nako eo. Le gona Morena o ne a galefetse Arone thata, mo o bileng a re o a mo nyeletsa; ka rapelela Arone le ene ka sebaka seo. Mme boleo jwa lona jo lo bo dirileng, e bong namane ele ka e tsaya, ka e fisa ka molelo, ka e thuga, ka e sila, ka e notetsa ga tsamaya ya ba ya nna lerole le le boleta, ka ba ka latlhela lerole la yona mo nokaneng e e fologang mo thabeng. “Le kwa Thabera le kwa Masa le kwa Diphupung-tsa-bohula lo ne lwa galefisa Morena. Gape e rile Morena a lo roma lo le kwa Kateše-Barenea a re: ‘Bololang lo thope lefatshe le ke le lo neileng,’ lwa gana taelo ya Morena, Modimo wa lona, lwa se ka lwa mo dumela le e seng go utlwa lentswe la gagwe. Fa e sa le ke lo itse, lo ne lo ntse lo rukhutlhegela Morena. “E rile ke ntse ke wetse fa fatshe fa pele ga Morena ka malatsi ale a a 40 le masigo a a 40 a ke ne ke wetse fa fatshe ka ona, ka Morena a ne a re o a lo nyeletsa, ka rapela Morena ka re: ‘Morena Modimo, se senye morafe wa gago le boswa jwa gago, ba o ba golotseng ka bogolo jwa gago, ba o ba ntshitseng kwa Egepeto ka seatla se se tiileng. Gopola batlhanka ba gago, e bong Aborahame le Isaka le Jakobe; se tlhokomele botlhogoethata jwa morafe o le boikepo jwa ona le boleo jwa ona, e se re gongwe batho ba lefatshe le o re ntshitseng kwa go lone ba sotla ba re: E re ka Morena a paletswe ke go ba fitlhisa kwa lefatsheng le o neng a le ba solofeditse, le ka a ba tlhoile, o ba ntsheditse kwa sekakeng go ba bolaela teng. Kana ke bone morafe wa gago le boswa jwa gago, ba o ba hudusitseng ka thata e kgolo ya gago le ka letsogo le le otlologileng la gago.’ “Ka sebaka seo Morena a nthaya a re: ‘Betla matlapa a le mabedi a maboti a a tshwanang le a pele, o tlhatlogele kwano go nna mo thabeng; le gona o dire Letlole la logong. Mo matlapeng ao ke tla kwala mafoko ale a a neng a le mo matlapeng a pele a o a thubileng; o be o a bee mo Letloleng.’ “Ka dira Letlole ka dipati tsa mokwa, ka betla matlapa a le mabedi a maboti a a tshwanang le a pele, ka ba ka tlhatlogela kwa thabeng ke tshotse matlapa a mabedi ao ka diatla. Mme Morena a kwala mafoko a a tshwanang le a a neng a kwadilwe pele mo matlapeng, e bong mafoko a le some a Morena o neng a a buile le lona kwa thabeng a le mo molelong ka letsatsi la pitso ya morafe. Morena a ba a a nneela. Jaanong ka boa ka fologa mo thabeng, ka baya matlapa mo Letloleng le ke neng ke le dirile, a nna teng jaaka Morena a ntaetse.” ( E rile go se na go feta sebaka Baiseraele ba kuologa kwa Beerothe-Bene-Jaakane ba ya kwa Mosera. Arone a swela gona, a ba a fitlhwa gona, mme Eleasare morwawe a nna moperesiti mo boemong jwa gagwe. Ba be ba kuologa teng, ba ya kwa Gutegota; ba be ba tloga kwa Gutegota, ba ya kwa Jotebatha lefatsheng la dinokana tsa metsi. Ka sebaka seo Morena a lomolola lotso lwa ga Lefi gore ba sikare Letlole la Kgolagano ya Morena, ba eme fa pele ga Morena go mo direla, ba tshegofatse batho ka leina la gagwe jaaka go ntse go dirwa go fitlha letsatsing leno. Ke ka moo Balefi ba se nang kabelo le boswa mmogo le Baiseraele; Morena ke ene boswa jwa bone, jaaka Morena Modimo wa lona a ba solofeditse.) “Ke ne ka nna mo thabeng jaaka metlheng ya pele, e bong malatsi a le 40 le masigo a le 40, mme Morena a nkutlwa le ka nako eo, a be a se ka a rata go lo senya. Mme Morena a nthaya a re: ‘Nanoga o ye go kuologa le morafe, o o etelele pele gore ba fitlhe ba thope lefatshe le ke le ikanetseng borraabo go le ba naya.’ “Jaanong he, Iseraele, ke eng se Morena, Modimo wa gago, o se batlang mo go wena? O batla gore o boife Morena, Modimo wa gago, o sepele mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o mo rate, o direle Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, ka go tlhokomela ditaolo tsa Morena le melao ya gagwe tse ke di go laelang kajeno gore o tle o tshele sentle. Bona, legodimo le legodimo le le godimodimo ke la Morena, Modimo wa gago, le lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone. Mme ke borraeno fela ba ba neng ba kgatlha Morena gore a ba rate; a ba a tlhopha lona ba losika lwa bone sehularong sa bone mo merafeng yotlhe jaaka go ntse kajeno. Jaanong he rupisang boheitane jwa dipelo tsa lona, lo se tlhole lo gagamatsa dithamo tsa lona. Gonne Morena, Modimo wa lona, ke Modimo wa medimo le Morena wa barena. Ke Modimo o mogolo, o o thata, o o boitshegang, o o sa gobeleleleng motho ope le e seng go rekwa ka thelesetso. Ke ona o o direlang lesiela le motlholagadi tshiamo, o o ratang moeng, o mo naya dijo le diaparo. Ka moo ratang baeng, gonne le lona lo ne lo le baeng kwa lefatsheng la Egepeto. Boifang Morena, Modimo wa lona, lo mo direle, lo mo ngaparele, lo ikane ka leina la gagwe. Ke ene yo lo ipokang ka ene, ke ene Modimo wa lona o o lo diretseng dilo tse dikgolo tse di boitshegang tse matlho a lona a di bonyeng. Borraeno ba kile ba fologela kwa Egepeto e le batho ba le 70, mme jaanong Morena Modimo wa lona o lo atisitse go nna kana ka dinaledi tsa legodimo. “Ratang Morena, Modimo wa lona, lo tlhokomele thulaganyo ya gagwe le melao ya gagwe le ditshiamelo tsa gagwe le ditaolo tsa gagwe ka metlha yotlhe. Itseng kajeno gore ga ke bue le bana ba lona ba ba sa itseng, ba ba sa bonang thuto le kwatlhao tsa Morena, Modimo wa lona, e bong bogolo jwa gagwe le seatla sa gagwe se se tiileng le letsogo la gagwe le le otlologileng le ditshupo tsa gagwe le ditiro tsa gagwe tse o di dirileng kwa Egepeto mo go Farao, kgosi ya Egepeto, le mo lefatsheng lotlhe la gagwe le tse a di diretseng mephato ya Baegepeto le dipitse tsa yona le dikoloi tsa yona e Morena o neng a e nwetsa mo metsing a Lewatle la Motlhaka, jale fa ba lo latelela, a e latlha jalo go fitlhelela letsatsing leno; le tse o di lo diretseng kwa sekakeng ga tsamaya lwa ba lwa fitlha felong fano; le tse o di diretseng Dathane le Abirame bomorwa Eliabe, oora Rubene, fa lefatshe le atlhama, le ba metsa le ba malapa a bone le ditente tsa bone le diruiwa tsotlhe tse ba neng ba na natso mo gare ga Baiseraele botlhe. Mme ke bua le lona ba matlho a lona a bonyeng ditiro tse dikgolo tsotlhe tse Morena a di dirileng. “Tlhokomelang he ditaelo tsotlhe tse ke di lo laelang kajeno gore lo nne thata, lo tsene, lo thope lefatshe le lo tshelelang kwa go lone go le rua le gore lo nne malatsi a mantsi mo lefatsheng le Morena o le ikanetseng borraalona go le ba naya le bana ba bone, lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Gonne lefatshe le lo tsenang mo go lone go le rua ga le tshwane le lefatshe la Egepeto le lo tswang kwa go lone, kwa lo neng lo jwala peo ya lona teng, lo be lo e nosa ka dinao jaaka tshimonyana ya merogo. Mme lefatshe le lo tshelelang kwa go lone go le rua ke lefatshe la dithaba le melapo, le nwa metsi a pula ya legodimo. Ke lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o le babalelang. Matlho a Morena, Modimo wa lona, a le lebile ka gale go tloga tshimologong ya ngwaga go ya bokhutlong jwa ona. “E tla ne e re fa lo reetsa ditaolo tsa me sentle tse ke di lo laelang kajeno gore lo rate Morena, Modimo wa lona, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, gone ke nesetse lefatshe la lona pula ka nako ya yona, e bong pula ya go lema le e e tsadisang gore lo tle lo phuthe mabele a lona le matute a moweine a lona le lookwane lwa lona. Le gona ke tla tlhogisetsa diruiwa tsa lona bojang mo nageng ya lona; lo tla ja, lo kgora. Fela lo itise gore dipelo tsa lona di se ka tsa raelega, lwa fapoga, lwa direla medimo e sele, lwa e obamela; bogale jwa Morena bo ka tloga jwa lo tukela, mme a tswala legodimo, pula ya se ka ya na, masimo a se ka a ntsha thobo ya ona, lwa latlhega ka pele, lwa tlosiwa mo lefatsheng le lentle le Morena o tla le lo nayang. “Mafoko ao a me a tsenyeng mo dipelong tsa lona le mo meweng ya lona, lo a bofelele mo diatleng tsa lona go nna sesupo, a a nne fa gare ga matlho a lona go nna letshwao. Lo a rute bana ba lona ka go bua ka ga ona, fa lo dutse mo matlong a lona, le fa lo tsamaya mo tseleng, le fa lo ya go robala, le fa lo tsoga. Lo a kwale mo mephakaregong ya mejako ya matlo a lona le mo dikgorong tsa lona gore malatsi a lona le malatsi a bana ba lona a nne mantsi mo lefatsheng le Morena o le ikanetseng borraalona go le ba naya, a nne kana ka malatsi a legodimo le okameng lefatshe ka ona. “Fa lo ka tlhokomela ditaolo tsotlhe tseo tota tse ke di lo laelang gore lo dire ka tsona ka go rata Morena, Modimo wa lona, le ka go sepela mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe le ka go mo ineela, foo Morena o tla leleka ditšhaba tsotlhe tseo fa pele ga lona, mme lo tla ja boswa jwa ditšhaba tse dikgolo, tse di thata bogolo go lona. Felo gongwe le gongwe kwa pato tsa dinao tsa lona di tla gatang teng e tla nna ga lona; go tloga kwa sekakeng go ya go fitlha kwa Lebanone le go tloga kwa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa lewatleng la bophirimatsatsi e tla nna naga ya lona. Ga go na ope yo o ka emelanang le lona; Morena, Modimo wa lona, o tla dira letshogo gore lo tshogwe le poifo gore lo boifiwe mo lefatsheng lotlhe le lo tla le gatang jaaka a lo solofeditse. “Bonang, ke baya tshegofatso le khutso fa pele ga lona kajeno: Lo tla bona tshegofatso, fa lo utlwa ditaolo tsa Morena, Modimo wa lona, tse ke di lo laelang kajeno; lo tla bona khutso, fa lo sa utlwe ditaolo tsa Morena, Modimo wa lona, mme lo fapoga mo tseleng e ke e lo laelang kajeno ka go latela medimo e sele e lo sa e itseng. A e re Morena, Modimo wa lona, a sena go lo fitlhisa kwa lefatsheng le lo tla tsenang mo go lone go le rua lo bee tshegofatso mo thabeng ya Gerisime le khutso mo thabeng ya Ebale. Kana dithaba tseo di kwa moseja ga Joretane, ntlheng ya bophirimatsatsi ya tsela mo lefatsheng la Bakanana ba ba agileng mo lebaleng la Joretane le le lebaganyeng le Gilegala, fa go bapileng le setlhare sa boitseanape. Gonne lo tla tshela Joretane go ya go tsena le go thopa lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang; lo tla le rua, lo aga mo go lone. Tlhokomelang he go dirisa melao yotlhe le ditshwanelo tse ke di bayang fa pele ga lona kajeno. “Melao le ditshwanelo ke tse, tse lo tshwanetseng go di tlhokomela go dira ka tsona lo le kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa borraeno, o le lo neileng gore lo le rue; ke tsa malatsi otlhe a lo tla phelang mo lefatsheng ka ona. Mafelo otlhe kwa baheitane ba lo tla ba lelekang ba neng ba direla medimo ya bone teng lo a senyetse ruri, a a mo dithabeng tse di godimo gongwe mo dithoteng gongwe fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala. Digang dialetare tsa bone, lo thubaganye majwe a a motloutlo a bone, lo reme medimako ya Ašera ya bone, lo fise medimo ya diseto ya bone ka molelo, lo nyeletse maina a yona mo felong ga teng. “Lo se ka lwa direla Morena, Modimo wa lona, jalo. Mme lo etele felo fela fa Morena, Modimo wa lona, o tla go tlhaolang mo ditsong tsotlhe tsa lona go baya leina la gagwe teng le go nna teng, lo ye gone, lo ise ditlhabelo tsa phiso tsa lona gona le ditlhabelo tse di jewang tsa lona le dikarolo tsa lesome tsa lona le seabe sa diatla tsa lona le tsa maikano a lona le tsa bogalona le maitibolo a dikgomo tsa lona le a difutshane tsa lona. Lo jele teng fa pele ga Morena, Modimo wa lona, lo itumelele tsotlhe tse diatla tsa lona di di amogetseng, tse Morena, Modimo wa lona, a lo tshegofaditseng ka tsona, lona le ba malapa a lona. “Teng lo se ka lwa dira jaaka re sa ntse re dira fano kajeno – mongwe le mongwe a dira fela ka fa thatong ya gagwe. Gonne ga lo ise lo fitlhe kwa boikhutsong le kwa bosweng jo Morena, Modimo wa lona, o tla bo lo nayang. Mme lo tla tshela Joretane, lo aga mo lefatsheng le Morena, Modimo wa lona, o tla le lo ruisang; o tla lo naya boikhutso, go se na mmaba ope tikologong yo o ka lo tshwenyang; lo tla nna lo iketlile. Foo a felo fa Morena, Modimo wa lona, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng, e nne gona kwa lo tla isang tsotlhe teng tse ke di lo laelang, e bong ditlhabelo tsa phiso tsa lona le ditlhabelo tse di jewang tsa lona le dikarolo tsa some tsa lona le seabe sa diatla tsa lona le tsotlhe tse di tlhaotsweng tsa maikano a lona, tse lo tla di ikanelang Morena. Lo be lo itumele fa pele ga Morena, Modimo wa lona, lona le bomorwaa-lona le bomorwadia-lona le batlhanka ba lona le malata a lona le Molefi yo o mo metseng ya lona; gonne ga a na kabelo gongwe boswa mo go lona. Itise gore o se ka wa tlhabela ditlhabelo tsa phiso tsa gago mo felong gongwe le gongwe fa o go bonang. Mme kwa felong fa Morena o tla go tlhaolang mo go longwe lwa ditso tsa gago ke kwa o tshwanetseng go tlhabela ditlhabelo tsa phiso tsa gago teng le go dira tsotlhe tse ke di go laelang. “Fela o ka tlhaba, wa ja nama ka fa keletsong yotlhe ya pelo ya gago, ka fa tshegofatsong ya Morena, Modimo wa gago, e a e go neileng mo metseng yotlhe ya gago; e ka jewa ke yo o sa itshekang le yo o itshekileng jaaka tshephe le kgama. Fela madi lo se ka lwa a ja; lo a tshololele fa fatshe jaaka metsi. Se o sa tshwanelang go se ja mo metseng ya gago ke karolo ya some ya mabele a gago le ya matute a moweine a gago le ya lookwane lwa gago le maitibolo a dikgomo tsa gago le a difutshane tsa gago le tsa maikano otlhe a gago a o tla a ikanang, le dineo tsa bogagago le seabe sa diatla tsa gago, mme tseo o di jele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi yo o mo metseng ya gago, o itumelele tsotlhe tse diatla tsa gago di di amogetseng fa pele ga Morena, Modimo wa gago. Itise gore o se ka wa tima Molefi ka malatsi otlhe a o tshelang mo lefatsheng la ga eno ka ona. “E re fa Morena, Modimo wa gago, a katolosa molelwane wa gago jaaka a go solofeditse, mme o rata go ja nama, ka o e eletsa, gona o ka e ja ka fa keletsong yotlhe ya pelo ya gago. Jaanong fa felo fa Morena Modimo wa gago o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng go le kgakala nao, o ka tlhaba dikgomo tsa gago gongwe difutshane tsa gago tse Morena a di go neileng ka fa ke go laetseng ka teng, wa di ja mo metseng ya gago ka fa keletsong yotlhe ya pelo ya gago. O ka di ja fela jaaka go jewa tshephe le kgama; yo o sa itshekang le yo o itshekileng ba ka di ja ka bobedi. Fela o tlhokomele thata gore o se ka wa ja madi; gonne madi ke botshelo, mme ga o a tshwanela go ja botshelo mmogo le nama. O se ka wa a ja; o a tshololele fa fatshe jaaka metsi. O se ka wa a ja gore o tle o phele pila le bana ba gago sehularong sa gago, fa o dira tse di tlhamaletseng mo matlhong a Morena. Fela dineo tse di boitshepo tse o ratang go di ntsha le tsa maikano a gago o di tsee, o ye kwa felong fa Morena o tla go tlhophang; o be o baakanye ditlhabelo tsa phiso tsa gago, e bong nama le madi, fa aletareng ya Morena, Modimo wa gago, mme ditlhabelo tse di jewang tsa gago go tshololwe madi a tsona fela fa aletareng ya Morena, Modimo wa gago, nama yona o ka e ja. Tlhokomela o utlwe mafoko otlhe ao a ke a go laelang gore o tle o tshele sentle le bana ba gago sehularong sa gago ka bosakhutleng, fa o dira tse di siameng le tsa nnete mo matlhong a Morena, Modimo wa gago. “E re fa Morena, Modimo wa gago, a sena go nyeletsa baheitane fa pele ga gago ba o tla yang kwa go bone go ba leleka; fa o ba lelekile, wa ba wa nna mo lefatsheng la bone, o itise gore o se ka wa raelega go ba etsa ba sena go nyelediwa fa pele ga gago; o itise gore o se ka wa botsolotsa ka ga medimo ya bone wa re: ‘Baheitane bao ba diretse medimo ya bone jang? Le nna ke tle ke dire jalo.’ O se ka wa direla Morena, Modimo wa gago, ka tse di ntseng jalo. Gonne tsotlhe tse ba di diretseng medimo ya bone ke makgapha mo Moreneng, ke tse a di ilang. E bile bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ba tle ba ba fisetse medimo ya bone. Sengwe le sengwe se ke se lo laelang lo se tlhokomele go se dirisa. Lo se ka lwa se oketsa ka sepe le e seng go se fokotsa. “E re fa moporofeti gongwe molori wa toro a tsoga mo gare ga lona, a lo bolelela sesupo gongwe kgakgamatso, mme go dirafala sesupo gongwe kgakgamatso e o neng a e lo solofeditse; fa a bile a re: ‘A re yeng, re latele medimo e sele, re e direle’ – mme e le medimo e lo sa e itseng – gona lo se ka lwa utlwa mafoko a moporofeti yoo gongwe molori wa toro yoo; gonne Morena, Modimo wa lona, o a lo leka go itse gore, a lo rata Morena Modimo wa lona ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe. Lo latele Morena, Modimo wa lona, lo boife ene, lo tlhokomele ditaolo tsa gagwe, lo utlwe lentswe la gagwe, lo mo direle, lo mo ngaparele. Mme moporofeti yoo gongwe molori wa toro yoo o tshwanetse go bolawa; gonne o buile tsa go ikepa mo Moreneng, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a lo golola mo ntlong ya botlhanka. Gonne moporofeti yoo o lo faposa mo tseleng e Morena, Modimo wa lona, o e lo laetseng gore lo sepele mo go yona. Lo tlose bosula jalo mo gare ga lona. “Fa morwa-rraago gongwe morwa-mmaago gongwe morwao gongwe morwadio gongwe mosadi yo ò mo ratang gongwe mongwe-ka-wena yo ò mo ratang jaaka o ithata, a go raela sephiring a re: ‘A re ye, re direle medimo e sele’ – e o sa e itseng le e seng borraeno, e le medimo mengwe ya merafe e e mo tikologong ya lona, le fa e le gaufi gongwe kgakala, go tloga bokhutlong jwa lefatshe go ya go fitlha bokhutlong jo bongwe jwa lone – o se ka wa dumelelana nae le e seng go mo utlwa. A leitlho la gago le se ka la mo utlwela botlhoko, o se ka wa mo rekegela le e seng go mo loba. O mmolae; a letsogo la gago e nne la ntlha le le mo go ene go mmolaya, morago ga moo go tle mabogo a morafe otlhe. Lo mo kgobotletse ka majwe gore a swe; ka gonne o batlile go lo faposa mo Moreneng, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka. A Baiseraele botlhe ba utlwe, ba boife gore ba se tlhole ba dira bosula jo bo ntseng jalo mo gare ga lona. “E re fa lo utlwela motse mongwe wa metse ya ga lona e Morena, Modimo wa lona, o e le neileng gore lo nne mo go yona, go twe: Banna ba disenyi ba dule mo go lona, ba faposa baagi ba motse wa ga bone ka go re: ‘A re yeng, re direle medimo e sele’ – e lo sa e itseng – gona lo batlisise, lo tlhotlhomise, lo botsolotse sentle. Mme fa go fitlhelwa e le nnete, go se na pelaelo epe, fa makgapha ao a dirilwe mo gare ga lona, gona lo tshwanetse go bolaya baagi ba motse oo ka bogale jwa tšhaka, lo o senye, o hutsitswe ke Modimo le tsotlhe tse di mo go ona le diruiwa tsa ona ka bogale jwa tšhaka. Thopo yotlhe ya ona lo e kgobokanye mo patlelong ya ona, lo fisetse Morena, Modimo wa lona, motse le thopo yotlhe ya ona gotlhe ka molelo gore o fetoge mokoa wa thotobolo wa metlha yotlhe, o se ka wa tsosiwa gape. A go se ka ga sala sepe sa tse di hutsitsweng mo diatleng tsa lona gore Morena a khutle mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang, a lo utlwele botlhoko, a lo tlhomogele pelo, a lo atise jaaka a ikanetse borraeno. Morena o tla dira jalo, fa lo ka utlwa lentswe la Morena, Modimo wa lona, lwa tlhokomela ditaolo tsotlhe tsa gagwe tse ke di lo laelang kajeno, lwa dira tse di tlhamaletseng mo matlhong a Morena, Modimo wa lona. “Lona lo bana ba Morena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa iphatsa le e seng go ipeola fa godimo ga phatla ka ntlha ya moswi. Gonne lo morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa lona. Morena o lo tlhophile mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng gore lo nne morafe wa gagwe. “Lo se ka lwa ja sepe se se maila. Ditshedi tse lo ka di jang ke kgomo le nku le podi le kgama le tshephe le tholo le mfele le phala le kukama le phuti le setshedi sengwe le sengwe mo ditsheding se se ditlhako di maphata, di le maphata a le mabedi tota, se e bileng se otla, sona lo ka se ja. Fela tse lo sa tshwanelang go di ja mo go tse di otlang le tse di ditlhako di maphata gotlhe ke kammele le mmutla le pela; gonne di a otla, mme ga di ditlhako di maphata; di lo itshekologetse; le kolobe, gonne e ditlhako di maphata, mme ga e otle; e lo itshekologetse. Lo se ka lwa ja sepe sa dinama tsa tsona le e seng go ama ditoto tsa tsona. “Tse lo ka di jang mo go tse di mo metsing ke tsotlhe tse di nang le diphuka le makape, tsona lo ka di ja. Mme tsotlhe tse di se nang diphuka le makape lo se ka lwa di ja; di lo itshekologetse. “Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng. Tse lo sa tshwanelang go di ja mo go tsona ke ntswi le makgwane le lenong le lentsho le segodi le digootsane le mefuta ya tsona le mefuta yotlhe ya magakabe le ntšhwe le moleane le lenongnyana la lewatle le bophakalane le mefuta ya bone le ubane le morubisi le moseleketane le tlhangwe le lenong le lesetlha le kokolohute le mokololwane le mmamasiloanoka le mefuta ya yona le makapatsiane le mamathwane. “Ditshedinyana tsotlhe tse di diphuka di lo itshekologetse; ga di a tshwanela go jewa. Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng. “Lo se ka lwa ja setshedi sepe se se suleng ka bosona. Lo ka se naya moeng yo o mo metseng ya lona gore a se je, gongwe lo ka se rekisa mo mothong wa setšhaba se sele. Gonne lona lo morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa apaya potsane ka mašwi a mmaayo. “O tshwanetse go ntsha karolo ya some ya thobo yotlhe ya dijwalo tsa gago, e bong ya tse di tswang kwa masimo ka ngwaga le ngwaga. Karolo ya some ya mabele a gago le ya matute a moweine a gago le ya lookwane lwa gago le maitibolo a dikgomo tsa gago le a difutshane tsa gago, o di jele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, kwa felong fa o tla go tlhaolang go baya leina la gagwe teng gore o tle o ithute go boifa Morena, Modimo wa gago, ka metlha yotlhe. Mme fa Morena, Modimo wa gago, a go tshegofaditse, mme tsela e le telele mo go wena, mme o palelwa ke go rwala karolo ya some, ka felo fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng go le kgakala nao, gona o e rekise madi, o a tsee ka seatla a phuthetswe, o be o ye kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang. O be o ntshe madi, o reke tsotlhe tse pelo ya gago e di eletsang, e ka nna kgomo gongwe sefutshane gongwe weine gongwe bojalwa, le fa e le eng se pelo ya gago e se batlang, o di jele teng fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o itumele wena le ba lapa la gago. “Le Molefi yo o mo metseng ya gago o se ka wa mo tima, gonne ga a na kabelo gongwe boswa mo go wena. E ne e re mo bofelong jwa ngwaga wa boraro o ntsha karolo yotlhe ya some ya thobo ya gago ngwageng oo, o e baya mo metseng ya gago. Jaanong a go tle Balefi – ka ba se na kabelo gongwe boswa mo go wena – le baeng le masiela le batlholagadi ba ba mo metseng ya gago, ba je ba kgore gore Morena, Modimo wa gago, a tle a go tshegofatse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago e o e dirang. “E ne e re go fela dinyaga di supa, o phimola melato. Mokgwa wa go phimola melato ke o o ntseng jaana: Yo o adimileng a a phimole se a se adimileng mongwe-ka-ene, a se ka a tshwenya mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Mpusetse!’ Gonne ngwaga wa go phimola melato o tla ne o kuelwa go tlotla Morena. Wa setšhaba se sele o ka mo tshwenya o a re: ‘Mpusetse!’ Mme tse o di adimileng morwa-rraago o di phimole. “Go tla bo go sena bahumanegi mo go wena, gonne Morena, Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa thata mo lefatsheng le o tla le go nayang go nna boswa gore e nne la gago. Ke raya fela, fa o utlwa lentswe la Morena, Modimo wa gago, tota ka go tlhokomela go dira ka fa ditaolong tsotlhe tseo ke di go laelang kajeno. Gonne Morena, Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa jaaka a go solofeditse: ò tla adima ditšhaba tse dintsi, mme wena ga o kitla o adingwa; o tla busa ditšhaba tse dintsi, mme ga o kitla o busiwa ke tsona. “E re fa go le mohumanegi mo go wena wa ba ga eno mo motseng mongwe wa gago, mo lefatsheng la ga eno le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang, o se ka wa thatafatsa pelo ya gago le e seng go huparelela wa ga eno wa mohumanegi seatla. Mme o mmulele seatla thata, o mo adime ka boitumelo mo go lekanyeng se a se tlhokang ka fa a tlhaelang ka teng. Itise, e se re gongwe ga nna mogopolo o o bosula mo pelong ya gago wa go re: ‘Ngwaga wa bosupa wa go phimola melato o gaufi!’ mme leitlho la gago la leba wa ga eno wa mohumanegi ka bopelompe, mme wa mo tima, mme a goela Moreneng ka ntlha ya gago, ga ba ga nna boleo mo go wena. Mo nee ka boitumelo, mme e ne e re o mo fa, o se ke o nna pelompe; gonne fa o dira jalo, Morena, Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa mo tirong yotlhe ya gago le mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di lekang. Gonne bahumanegi ga ba kitla ba tlhokafala mo lefatsheng. Ke ka moo ke go laetseng ka re: Huporololela wa ga eno wa mmogisegi le wa mohumanegi seatla ka boitumelo mo lefatsheng la ga eno. “E re fa wa ga eno wa Mohebere, e bong monna gongwe mosadi, a ithekisa mo go wena, a a go direle dinyaga di le thataro, mme ka ngwaga wa bosupa o mo golole, o mo nee tsela, a go tlogele. Mme e re o mo golola, mme a go tlogela, o se ka wa mo naya tsela a iphotlhere fela. Mme o mo rwese tse dintsi tsa difutshane tsa gago le tsa seboana sa gago le tsa segatelo sa gago, o mo nee tse Morena, Modimo wa gago, o go tshegofaditseng ka tsona. Gopola gore le wena o kile wa bo o le lekgoba kwa lefatsheng la Egepeto, mme Morena, Modimo wa gago, a go golola. Ke ka moo ke go laelang seo se kajeno. “Mme e re fa a go raya a re: ‘Ga ke rate go go tlogela,’ ka a go rata le ba lapa la gago, a phela pila nao, gona o tsee thoko, o mo phunyetse tsebe mo setswalong gore a nne lekgoba la gago ka metlha yotlhe; le lelata la gago o le direle jalo. A go se ka ga go thatafalela, fa o mo golola, mme a go tlogela; gonne tse a di go diretseng ka dinyaga di le thataro, di lekanye le tuelo ya badiri ba le babedi ba ba rapilweng; mme Morena, Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa mo go tsotlhe tse o di dirang. “Maitibolo otlhe a a tsalwang mo dikgomong tsa gago gongwe mo difutshaneng tsa gago a tse ditonanyana o a itshepisetse Morena, Modimo wa gago; o se ka wa dira ka maitibolo a dikgomo tsa gago le e seng go beola maitibolo a difutshane tsa gago. O e jele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, ka ngwaga le ngwaga kwa felong fa Morena o tla go tlhophang, wena le ba lapa la gago. Mme fa leitibolo le na le bogole, le tlhotsa gongwe le foufetse, le fa le na le bogole bofe jo bo bosula, o se ka wa le tlhabela Morena, Modimo wa gago. O ka le ja mo maagong a gago, le ka jewa ke yo o sa itshekang le yo o itshekileng ka bobedi jaaka tshephe gongwe kgama. Fela o se ka wa ja madi a lone; ona o a tshololele fa fatshe jaaka metsi. “Tlhokomela kgwedi ya Abibi, o direle Morena, Modimo wa gago, Tlolaganyo; gonne Morena, Modimo wa gago, o go ntshitse kwa Egepeto bosigo ka kgwedi ya Abibi. O tlhabele Morena, Modimo wa gago, difutshane le dikgomo tsa Tlolaganyo kwa felong fa Morena o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng. O se ka wa ja tse di bedisitsweng ka ona moletlo; o je dinkgwe tse di sa bedisiwang, e bong dinkgwe tsa pogisego ka malatsi a supa a ona – gonne o hudugile kwa lefatsheng la Egepeto ka potlako – ke moletlo wa go re o gopole letsatsi le o duleng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago. Malatsi a supa go se ka ga bonwa matlhabego mo go wena mo nageng yotlhe ya gago; le gona go se ka ga lala sepe sa nama e o e tlhabileng maitsiboa a letsatsi la ntlha go ya mo mosong. “Ga o a tshwanela go tlhaba kwana ya Tlolaganyo mo metseng ya gago e Morena, Modimo wa gago, o tla e go nayang, fa e se kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng, ke gona kwa o tshwanetseng go tlhabela kwana ya Tlolaganyo teng maitsiboa, fa letsatsi le phirima, ka nako e o duleng kwa Egepeto ka yona. O e apee, o e jele kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang; e re o tsoga ka mmamoso, o boele gape kwa gae. O fete o je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a marataro, mme letsatsi la bosupa ke la Kgobokano ya Morena, Modimo wa gago. O se ka wa dira tiro epe ka lone. “Jaanong o bale dibeke di supa; simolole go di bala go tloga fa thipa e tsenngwa ga ntlha mo mabeleng. O be o direle Morena, Modimo wa gago, Moletlo wa Dibeke ka neo ya lorato ya seatla sa gago e o tla e ntshang, ka fa Morena, Modimo wa gago, a go tshegofaditseng ka teng; o itumele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi yo o mo metseng ya gago le moeng le lesiela le motlholagadi ba ba agileng le wena, o itumele kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang go baya leina la gagwe teng. O gopole gore o ne o le motlhanka kwa Egepeto, o be o tlhokomele, o dire ka fa melaong eo. “Moletlo wa metlaagana o o dire malatsi a supa, fa o phutha thobo kwa seboaneng sa gago le kwa segatelong sa gago. O itumele mo moletlong oo wa gago, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi le moeng le lesiela le motlholagadi ba ba mo metseng ya gago. O direle Morena, Modimo wa gago, moletlo malatsi a supa kwa felong fa Morena, o tla ga tlhophang. Gonne Morena Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa mo go tsotlhe tse o di robang le mo tirong yotlhe ya diatla tsa gago. O tshwanetse go itumela fela. “A banna botlhe ba bonale fa pele ga Morena, Modimo wa gago, gararo ka ngwaga kwa felong fa o tla go tlhophang: Ba tle ka Moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang le ka Moletlo wa Dibeke le ka Moletlo wa Metlaagana, fela ba se ka ba bonala fa pele ga Morena ba sa tshola sepe, mme mongwe le mongwe a tlise neo ka fa tshegofatsong ya Morena, Modimo wa gagwe, e o e mo neileng. “O ipeele baatlhodi le baokamedi mo metseng yotlhe ya gago e Morena, Modimo wa gago, o tla e go nayang ka fa ditsong tsa gago; a ba direle morafe tshiamo ka go atlhola ka tshiamo. O se ka wa sokamisa katlholo le e seng go gobelelela motho le e seng go rekwa ka thelesetso; gonne thelesetso e fatlha matlho a batlhalefi, e sokamisa mafoko a basiami. O nne o latele tshiamo fela gore o tle o phele, o rue lefatshe le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang. “O se ka wa itlhomela modimako wa Ašera wa setlhare sepe fa thoko ga aletare ya Morena, Modimo wa gago, e o tla e itirelang, le gona o se ka wa itlhomela lentswe le le motloutlo le Morena, Modimo wa gago, o le tlhoileng. “O se ka wa tlhabela Morena, Modimo wa gago, kgomo gongwe sefutshane se se nang le bogole, le fa e le bofe jo bo sa siamang; gonne go dira jalo ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago. “E re fa go fitlhelwa monna gongwe mosadi mo gare ga gago mo metseng ya gago e Morena, Modimo wa gago, o tla e go nayang, e le yo o dirang tse di bosula mo matlhong a Morena, Modimo wa gago, ka go tlola kgolagano ya gagwe, a ya a direla medimo e sele, a e obamela, le fa e ka nna letsatsi gongwe ngwedi gongwe lesomo lotlhe la legodimo – mo ke sa go laelang – mme o begelwa jalo, o utlwa, gona o tlhotlhomise sentle. Jaanong fa o fitlhela e le nnete, e se magatwe fela, mme makgapha ao a dirilwe mo go Iseraele, gona monna yoo gongwe mosadi yoo yo o dirileng se se bosula seo, o mo ntshe mo metseng ya gago, e bong monna yoo gongwe mosadi yoo, mme a a kgobotlediwe ka majwe gore a swe. Yo o ntseng jalo a a bolawe ka tshupo ya basupi ba le babedi gongwe ba le bararo; a se ka a bolawa ka tshupo ya mosupi a le mongwe fela. A diatla tsa basupi di mo tsholeletse majwe pele go mmolaya, mme morago ga moo diatla tsa morafe. O tlose bosula jalo mo gare ga gago. “E re fa kgang ya tsheko e go palela ka ga polao gongwe kganetsanyo gongwe dintho, le fa e le dikgang dife mo metseng ya gago, gona o nanoge o ye kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang, o fitlhe kwa baperesiting ba Balefi le kwa moatlhoding yo o tla bong a le teng ka sebaka seo, o ba botse; bone ba tla go itsise katlholo. Jaanong o dire ka fa katlholong e ba tla e go itsiseng ba le felong fa Morena o tla go tlhaolang, o be o tlhokomele go dira fela jaaka ba go ruta. O dire ka fa molaong o ba tla o go rutang le ka fa katlholong e ba tla e go bolelelang. O se ka wa fapoga mo lefokong le ba tla le go bolelelang go ya ntlheng ya le le jang gongwe ntlheng ya la molema. Mme monna yo o dirang ka boitaolo, a sa utlwe moperesiti yo o emetseng go direla Morena, Modimo wa gago, teng gongwe moatlhodi, monna yoo o tshwanetse go swa. O tlose bosula jalo mo go Iseraele. A morafe otlhe o utlwe, o boife, mme o se ka wa tlhola o itaola. “Fa e ka re o sena go tsena mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang le go le rua le go nna mo go lone, o a re: ‘Ke rata go ipeela kgosi jaaka go dira ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya me,’ gona o ipeele kgosi e Morena, Modimo wa gago, o tla e tlhophang; e bong kgosi e e leng mongwe wa ba ga eno; ga o a tshwanela go ipeela monna wa setšhaba se sele yo e seng wa ga eno. Fela e se ka ya nna le dipitse tse dintsi, le gona e se ka ya romela batho ba morafe kwa Egepeto go ya go bapala dipitse; ka gonne Morena o lo reile a re: ‘Lo se ka lwa tlhola lo boa gape ka tsela eo.’ Le gona e se ka ya tsaya basadi ba bantsi, e se re gongwe pelo ya yona ya fapoga. E se ka ya ikgobokanyetsa selefera le gouta tse dintsi thata. E re e ntse e dutse mo sedulong sa yona sa bogosi, a e ikwalele mafoko a molao oo mo lokwalong, e a ntshe mo lokwalong lo lo mo tisong ya baperesiti ba Balefi. A e nne nalo, e lo buise ka malatsi otlhe a botshelo jwa yona gore e ithute go boifa Morena, Modimo wa yona, le go tlhokomela mafoko otlhe a molao oo le a melao eo go dira ka yona, e se re gongwe pelo ya yona ya ikgodisetsa ba ga yona, ya fapoga mo taelong e go ya ntlheng ya le le jang gongwe ntlheng ya la molema gore malatsi a bogosi jwa yona a nne mantsi mo go Iseraele, a yona le a bona ba yona. “Baperesiti ba Balefi, e bong lotso lotlhe lwa ga Lefi, ba se ka ba nna le kabelo gongwe boswa mmogo le Baiseraele ba bangwe; ba tla ja ditshupelo tsa molelo tsa Morena le tse a di abelwang. Molefi a se ka a nna le boswa mo go ba ga gabo. Boswa jwa gagwe ke Morena jaaka a mo solofeditse. “Tse di tshwanetseng baperesiti di tswa mo morafeng, mo go ba ba tlhabang setlhabelo se se jewang, le fa e le kgomo gongwe nku, ke tse: A ba nee moperesiti letsogo le ditlhaa tsoo pedi le mogodu. O be o mo nee mabutswapele a mabele a gago le a matute a moweine a gago le a lookwane lwa gago le boboa jwa dinku tsa gago tse di beolwang pele. Gonne Morena, Modimo wa gago, o mo tlhaotse mo ditsong tsotlhe tsa gago gore a nne a emele go direla mo leineng la Morena ka metlha yotlhe, ene le bomorwawe. “Jaanong e re fa Molefi a rata go tla, a tswa mo motseng mongwe wa metse ya gago e e mo nageng yotlhe ya Iseraele kwa a nnang teng jaaka moeng, a a tle ka fa keletsong yotlhe ya pelo ya gagwe kwa felong fa Morena o tla go tlhophang; a direle mo leineng la Morena, Modimo wa gagwe, jaaka ba ga gabo botlhe, e bong Balefi ba ba emeng teng fa pele ga Morena. A a je kabelo e e tshwanang le kabelo ya ba bangwe kwa ntle ga tse a tlang a di tshotse. “Fa o sena go fitlha kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang, o se ka wa ithuta go dira makgapha a baheitane ba teng. Go se ka ga fitlhelwa ope mo go wena yo o ralatsang morwawe gongwe morwadie molelo le e seng yo o bolelang tsa boitseanape gongwe yo o dirang tsa boroka gongwe tsa botlhodi gongwe tsa mereo ya boloi; le e seng yo o phekolang ka boloi gongwe yo o botsang mowa wa moswi gongwe mowa wa boitseanape gongwe yo o batlang thuso mo baswing. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang tse di ntseng jalo ke maila mo Moreneng. Mme Morena, Modimo wa gago, o ba leleka fa pele ga gago ka ntlha ya makgapha ao. O nne wa nnete, o nne le Morena, Modimo wa gago. “Gonne baheitane bao o tla ba lelekang ba ikanya dingaka le baitseanape, mme wena Morena, Modimo wa gago, ga a go letlelela tse di ntseng jalo. “Mme Morena, Modimo wa gago, o tla go tsosetsa moporofeti mo gare ga gago wa ba ga eno yo o tshwanang le nna; lo reetse ene fela, jaaka o kopile mo Moreneng, Modimo wa gago, kwa thabeng ya Horebe ka letsatsi la pitso ya morafe wa re: ‘Nte ke se ka ka tlhola ke utlwa lentswe la Morena, Modimo wa me, ke se ka ka tlhola ke bona molelo o mogolo ole gape, e se re gongwe ka swa.’ “Ke fa Morena a nthaya a re: ‘Se ba se buileng se siame. Ke tla ba tsosetsa moporofeti mo go ba ga bone yo o tshwanang nao, ke tsenya mafoko a me mo molomong wa gagwe gore a ba bolelele tsotlhe tse ke tla di mo laelang. Mme yo o sa utlweng mafoko a me, a moporofeti yoo o tla a buang mo leineng la me, ene ke tla mo sekisa ka nosi. Fela moporofeti yo o ikgogomosang go ka bua lefoko mo leineng la me, le ke sa le mo laelang gore a le bue, gongwe yo o buang mo leineng la medimo e sele, moporofeti yoo o tshwanetse go swa.’ “Mme fa o ka botsa mo pelong ya gago o a re: ‘Re ka lemoga lefoko jang le Morena a sa le buang?’ gona o itse gore e re fa moporofeti a bua mo leineng la Morena, mme se a se buileng se sa dirafale le e seng go bonala, ke go re: Ke lefoko le Morena a sa le buang. Moporofeti o le buile ka boikgogomoso. O se ka wa mmoifa. “E re Morena, Modimo wa gago, a sena go nyeletsa ditšhaba tse o tla go nayang lefatshe la tsona gore o di leleke, o nne mo metseng ya tsona le mo matlong a tsona, gona o itomololele metse e le meraro mo lefatsheng la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang gore e nne la gago. O be o ipaakanyetse ditsela tse di yang teng, o kgaoganye naga ya lefatshe la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go ruisang dikarolo di le tharo, e le gore mmolai mongwe le mongwe a nne le kwa a ka tshabelang teng. Mme mmolai yo o ka tshabelang teng gore a phele, ke yo o ntseng jaana: Ke yo o bolaileng mongwe-ka-ene e se ka bomo, a sa mo tlhoa pele ga foo; jaaka fa a ya le mongwe-ka-ene kwa sekgweng go rema ditlhare, a tsholetsa selepe ka letsogo go rema setlhare, mme tshipi ya selepe e somoga mo mfenyaneng, e rema mongwe-ka-ene gore a be a swe, ke ene yo o ka tshabelang kwa motseng mongwe wa metse eo gore a phele; e se re gongwe mmusolosi wa madi a mo latelela a ntse a gaketse, a mo tshwara, ka tsela e le telele, a mmolaya, le fa a sa tshwanelwa ke loso, ka a ne a sa mo tlhoa pele ga foo. Ke ka moo ke go laelang gore o itomololele metse e meraro ya botshabelo. “Morena, Modimo wa gago, o tla katolosa naga ya gago jaaka a ikanetse borraeno, a go naya lefatshe lotlhe le a le solofeditseng borraeno go le ba naya, fa o tlhokomela ditaelo tsotlhe tseo go dira ka tsona tse ke di go laelang kajeno, ka go rata Morena, Modimo wa gago, le ka go sepela mo ditseleng tsa gagwe ka gale. Fa go dirafetse jalo, o ikokeletse metse e le meraro gape kwa ntle ga e meraro eo, e se re gongwe ga tshololwa madi a a se nang molato mo lefatsheng la gago le Morena, Modimo wa gago, a tla le go nayang go nna boswa, ga nna molato wa polao mo go wena. “Mme e re fa motho a tlhoile mongwe-ka-ene, a mo lalela, a mo wela, a mmolaya, mo a bileng a swa, mme a tshabela kwa motseng mongwe wa metse eo, gona a bagolo ba motse wa ga gabo ba rome batho, ba mo tsee teng, ba mo neele mo diatleng tsa mmusolosi wa madi gore a swe. O se ka wa mo leba ka bopelotlhomogi, mme o lefele madi a a se nang molato mo go Iseraele gore o tlhogonolofale. “Molelwane wa mongwe-ka-wena o o beilweng ke ba bogologolo o se ka wa o katosa mo bosweng jwa gago jo o tla bo ruang mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang gore e nne la gago. “Mosupi a le mongwe fela a se ka a lekana go ka supa ka ga motho, le fa e le molato ofe gongwe boleo bofe; a boleo bongwe le bongwe jo motho o ka bo dirang bo sekisiwe ka tshupo ya basupi ba le babedi gongwe ba le bararo. Mme e re fa mosupi wa pateletso a ka iphetlhela motho go supa tlolo ya molao ka ga gagwe, gona a banna ba babedi ba ba sekisanyang ba eme fa pele ga Morena, fa pele ga baperesiti le baatlhodi ba ba tla bong ba le teng ka malatsi ao. A baatlhodi ba tlhotlhomise sentle, mme fa go fitlhelwa mosupi yoo e le wa maaka, a supile maaka ka ga mongwe-ka-ene, gona lo mo direle ka fa a neng a ikaeletse ka teng go direla mongwe-ka-ene. O tlose bosula jalo mo go wena gore ba bangwe ba utlwe, ba boife, mme bosula jo bo ntseng jalo bo se tlhole bo dirwa mo go wena. A leitlho la gago le se ka la mo rekegela: A botshelo bo lefiwe ka botshelo, le leitlho ka leitlho, le leino ka leino, le seatla ka seatla, le lonao ka lonao. “E ne e re fa lo bolola go ya ntweng go tlhabana le baba ba lona, mme lo bona dipitse le dikoloi le batlhabani ba ba lo fetang ka bontsi, lo se ke lo boifa; gonne Morena, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto o na le lona. Mme e re lo atamela tlhabano, a moperesiti a atamele, a bue le batlhabani, a ba ree a re: ‘Utlwang, lona Baiseraele, lo atamela kajeno go ya go tlhabana le baba ba lona. Lo se ka lwa nyema moko le e seng go boifa, le e seng go tseana, le e seng go ba tshoga. Gonne Morena, Modimo wa lona, o ya le lona gore a lo tlhabanele le baba ba lona, a lo namolele.’ “Jaanong a bakwaledi ba bue le batlhabani ba re: ‘Ke mang yo o agileng ntlo e ntšhwa, mme a ise a e kgakole? A a tsamae, a boele kwa gae, e se re gongwe a swela mo ntweng, mme monna yo mongwe a e kgakola. Gape ke mang yo o tlhomileng tshimo ya moweine, mme a ise a je maungo a yona? A a tsamae, a boele kwa gae, e se re gongwe a swela mo ntweng, mme monna yo mongwe a tla go e ja letlotlwa. Gongwe ke mang yo o beeletseng mosadi, mme a ise a mo tsee? A a tsamae, a boele kwa gae, e se re gongwe a swela mo ntweng, mme monna yo mongwe a mo tsaya.’ “Jaanong a bakwaledi ba bue gape le batlhabani ba re: ‘Ke mang yo o boifang, yo o nyemang moko? A a tsamae, a boele kwa gae gore ba ga gabo ba se ka ba nyema moko jaaka ene.’ Jaanong e ne e re fa bakwaledi ba feditse go bua le batlhabani, go bewa balaodi ba mephato ba ba etelelang batlhabani pele. “E re o atamela motse go o tlhasela, o o tlhabele mokgosi wa kagiso. Jaanong fa o go araba ka kagiso, o go bulela dikgoro, foo batho botlhe ba ba fitlhelwang mo go ona ba nne badiri ba mokuio ba gago ba go direle. Mme fa o sa rate go agisanya nao, mme o dira ntwa nao, gona o o dikanyetse ka ntwa. E re Morena, Modimo wa gago, a o neela mo diatleng tsa gago, o bolae banna botlhe ba ona ka bogale jwa tšhaka. Fela basadi le bana le diruiwa le tsotlhe tse di mo motseng, e bong thopo yotlhe ya ona o e ithopele, o je thopo ya baba ba gago e Morena, Modimo wa gago, o e go neileng. O direle metse yotlhe jalo e e kgakala thata nao, e seng metse ya ditšhaba tsa mono. “Fa e le mo metseng ya ditšhaba tseno e Morena, Modimo wa gago, o tla e go nayang go nna boswa, o se ka wa lesa sepe go phela se se hemang, mme o ba dirafaletse khutso ya Modimo, e bong Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, jaaka Morena, Modimo wa gago, a go laetse; e se re gongwe ba lo ruta go dira makgapha otlhe a bone a ba a direlang medimo ya bone, mme lwa leofela Morena, Modimo wa lona. “E ne e re o dikanyetsa motse ka ntwa malatsi a mantsi ka go o tlhasela gore o o thope, o se ke o senya ditlhare tsa ona ka go di rema ka selepe; gonne o ka ja maungo a tsona, mme o se ka wa di rema. A ditlhare tsa masimo ke batho naa, mo o tshwanetseng go di dikanyetsa ka ntwa? Fela ditlhare tse o di itseng gore ga se ditlhare tse di jewang, tsona o ka di senya, wa di rema, wa aga tsa go tlhasela motse ka tsona o o lwang nao go tsamaya o be o fenngwe. “E re fa go fitlhelwa motho yo o bolailweng mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang gore e nne la gago, a namaletse mo nageng, go sa itsiwe yo o mmolaileng, foo bagolo ba gago le baatlhodi ba gago ba tswele teng, ba lekanye bokgakala go ya kwa metseng e e mo tikologong ya yo o bolailweng. Jaanong a bagolo ba motse o o gaufi le yo o bolailweng ba tsee kgomo ya moroba mo dikgomong e go iseng go dirwe tiro epe ka yona, e e iseng e golege. Bagolo ba motse oo ba folosetse kgomo kwa nokaneng e e sa kgaleng, fa go sa lengweng, fa go sa jwalweng teng, ba komole kgomo thamo teng kwa nokaneng. Jaanong go atamele baperesiti, bomorwa Lefi; gonne ke bone ba Morena, Modimo wa gago, o ba tlhaotseng gore ba mo direle, ba tshegofatse ka leina la Morena; kgang nngwe le nngwe le ntho nngwe le nngwe e atlholwa ka fa taelong ya bone. Jaanong a bagolo botlhe ba motse oo ba ba gaufi le yo o bolailweng ba tlhape diatla godimo ga kgomo e e komotsweng thamo mo molapong, ba tlhatlose mantswe ba re: ‘Diatla tsa rona ga di a tsholola madi a, le matlho a rona ga a bona. Morena, itshwarele morafe wa gago wa Iseraele o ò o golotseng! O se ka wa baya molato wa madi a a se nang molato mo morafeng wa gago wa Iseraele.’ Madi ao ba tla a itshwarelwa jalo. Madi a a tsholotsweng a se na molato o a tlose jalo mo go wena, mme o tla bo o dirile tse di tlhamaletseng mo matlhong a Morena. “E ne e re fa o bolola go ya go tlhabana le baba ba gago, mme Morena, Modimo wa gago, a ba neela mo diatleng tsa gago, o isa batshwarwi ba bone mo botshwarong, o bona mosadi wa sebopego se sentle mo batshwarwing, o mo rata, mo o bileng o rata go mo tsaya gore e nne mosadi wa gago, gona o mo gorosa kwa lapeng la gago, mme a ipeole tlhogo, a be a ikgaole dinala, a be a apole diaparo tse a tshwerweng ka tsona, a nne mo lapeng la gago, a lelele rraagwe le mmaagwe kgwedi yotlhe. Morago ga moo o ka tsena kwa go ene, wa nna monna wa gagwe, mme a nna mosadi wa gago. Mme e re fa a sa tlhole a go kgatlha, o ka mo naya tsela, a ya kwa a ratang go ya teng. Ga o a tshwanela go mo rekisa ka madi le e seng go mo tshola makgwakgwa, ka o ne o kopanye nae. “E re fa monna a na le basadi ba le babedi, yo mongwe e le yo o ratwang, yo mongwe e le yo o sa ratweng, mme ba tshola bomorwa nae, yo o ratwang le yo o sa ratweng, mme morwa yo mogolo e le wa yo o sa ratweng, jaanong mogang a abelang bomorwawe boswa jwa tse a nang natso, a se ka a re, morwa yo mogolo ke wa yo o ratwang, e tswe morwa mosadi yo o sa ratweng e le yo mogolo. Mme a a tshole morwa mosadi yo o sa ratweng jaaka e le yo mogolo, a ba a mo nee kabelo di le pedi tsa tsotlhe tse a nang natso; gonne ke ene wa ntlha wa thata ya gagwe; tshiamelo ya botsalwapele ke ya gagwe. “E re fa monna a na le morwa yo o logwadi, a le matepe, a sa utlwe lentswe la ga rraagwe gongwe la ga mmaagwe, mme le fa ba mmetsa, a sa kgonege, gona a rraagwe le mmaagwe ba mo tshware, ba mo ise kwa bagolong ba motse wa ga gabo le kwa lekgotleng la teng. Ba fete ba ree bagolo ba motse wa ga gabo ba re: ‘Morwaa-rona yo, o logwadi, o matepe, o gana go re utlwa. Ga a na maitsholo, e bile ke letagwa.’ Foo a banna botlhe ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka majwe gore a swe. O tlose bosula jalo mo go wena gore Baiseraele botlhe ba utlwe, ba boife. “E re fa monna a dirile boleo jo bo tshwanetseng loso, a a bolawe, a be a pegwe mo koteng. Fela setoto sa gagwe se se ka sa lala mo koteng, mme o mo fitlhe ka lone letsatsi leo; gonne yo o pegilweng o hutsitswe ke Modimo; e se re gongwe wa itshekolola lefatshe la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang go nna boswa. “O se ka wa re fa o bona kgomo ya wa ga eno gongwe nku ya gagwe e timetse wa e tlhokomologa, mme o tshwanetse go e busetsa kwa go mong wa yona. Mme fa mong wa yona a se gaufi nao gongwe o sa mo itse, gona o e gapele mo sakeng la gago, o e dise go tsamaya wa ga eno a ba a e batla, mme wa kgona go e mmusetsa. Le gona o dire jalo ka esele ya gagwe le ka seaparo sa gagwe le ka sengwe le sengwe se se mo latlhegetseng, mme o se bona. O se ka wa mo lomeletsa. “O se ka wa re, fa o bona esele ya wa ga eno gongwe kgomo ya gagwe e wetse mo tseleng, wa e tlhokomologa; o tshwanetse go mo thusa go e tsosa. “A seaparo sa monna se se ka sa aparwa ke mosadi, le gona a monna a se ka a apara seaparo sa mosadi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tse ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago. “Fa o fitlhela sentlhaga sa nonyane o le mo tseleng se le mo setlhareng sengwe gongwe fa fatshe, se na le mamphorwana gongwe mae, mme mmaaona a elame mo mamphorwaneng gongwe mo maeng, o se ka wa tsaya mmaao mmogo le mamphorwana. O ka itseela mamphorwana, wa lesa mmaao a fofa gore o tlhogonolofale, o be o tshele go le goleele. “E re o aga ntlo e ntšhwa, gona o agelele thulelo e papetla ya yona ka dipota gore o se ka wa rwesa ntlo ya gago molato wa polao fa motho a ka wa mo go yona. “O se ka wa jwala peo e sele mo tshimong ya moweine ya gago, e se re gongwe tsotlhe ya nna tsa Felo-ga-Boitshepo, e bong thobo ya peo eo le maungo a moweine. “O se ka wa lema ka kgomo le esele mmogo. “O se ka wa apara seaparo sa dilo di le pedi sa boboa jwa setshedi le letseta mmogo. “Itirele dikola mo mejeng e mene ya kobo ya gago e o e aparang. “E re fa monna a tsaya mosadi, a tsena kwa go ene, a ba a tenwa ke ene, a mmolela ka tse dimpe, a mo senya leina a re: ‘Ke tsere mosadi yo, mme ya re ke mo atamela, ka fitlhela e se lekgarebe,’ gona a rraagwe morweetsana le mmaagwe ba ntshe ditshupo tsa bokgarebe jwa gagwe, ba di ise kwa bagolong ba motse kwa lekgotleng. Jaanong a rraagwe morweetsana a ree bagolo a re: ‘Monna yo ke mo neetse morwadiake go nna mosadi wa gagwe. Mme jaanong e re ka a mo tene, o mmaya molato wa dilo tse dimpe a re: Ke fitlhetse morwadio e se lekgarebe! Mme ditshupo tsa bokgarebe jwa ga morwadiake ke tse.’ Bagolo ba gagwe ba be ba phutholole kobo fa pele ga bagolo ba motse. Jaanong a bagolo ba motse oo ba tshware monna yoo ba mmetse, ba mo lefise diselefera di le lekgolo, ba di nee rraagwe morweetsana, ka a sentse leina la lekgarebe la Moiseraele. Jaanong a le nne mosadi wa gagwe ka malatsi otlhe a gagwe, a sa tshwanela go mo tlhala ka gope. “Mme fa e le mafoko a nnete, mme morweetsana a fitlhetswe e se lekgarebe, a ba ntshe morweetsana kwa mojakong wa ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka majwe gore a swe, ka a dirile boatla mo go Iseraele ka go dira boaka mo ntlong ya ga rraagwe. O tlose bosula jalo mo go wena. “E re fa monna a fitlhelwa a robetse le mosadi yo o nyetsweng ke monna, a ba swe ka bobedi jwa bone, monna yo o robetseng le mosadi le ene mosadi. O tlose bosula jalo mo go Iseraele. “Fa go le morweetsana wa lekgarebe yo o beeletsweng ke monna, mme monna yo mongwe a kgatlhana nae mo motseng, a robala nae, lo ba ntshe kwa kgorong ya motse oo ka bobedi jwa bone, lo ba kgobotletse ka majwe gore ba swe, morweetsana, ka a se ka a itlhabela mokgosi a le mo motseng, le monna, ka a sentse mosadi wa mongwe-ka-ene. O tlose bosula jalo mo go wena. “Mme fa monna a kgatlhana le morweetsana yo o beeletsweng kwa nageng, mme monna a mo tshwara a robala nae, gona a monna yo o robetseng nae a swe a le esi. Mme morweetsana o se ka wa mo dira sepe. Morweetsana ga a na boleo jo bo tshwanetseng loso. Kana tiro e, e tshwana le ya monna yo o tsogelang mongwe-ka-ene, a mmolaya. Gonne monna o kgatlhanye nae kwa nageng, mme morweetsana yo o beeletsweng o ne a goa, mme go se na ope yo o ka mo thusang. “Fa monna a kgatlhana le morweetsana wa lekgarebe yo o iseng a beelelwe, a mo tshwara, a robala nae, mme ba bonwa, gona a monna yo o robetseng nae a nee rraagwe morweetsana diselefera di le 50, mme morweetsana e nne mosadi wa gagwe, ka a mo sentse; ga a kgone go mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe. “A monna a se ka a nyala mosadi wa ga rraagwe; a se ka a bipolola kobo ya ga rraagwe. “Yo o fagotsweng ka go thulelwa gongwe yo o kgaotsweng lepele a se ka a tsena mo phuthegong ya Morena. Motho wa madi a a tlhakanyeng a se ka a tsena mo phuthegong ya Morena; le wa losika lwa some lwa gagwe a se ka a tsena mo phuthegong ya Morena. “Moamone gongwe Momoabe a se ka a tsena mo phuthegong ya Morena; le wa losika lwa some wa ga bone a se ka a tsena mo phuthegong ya Morena ka gope, ka ba se ka ba lo kgatlhantsha ka dijo le ka metsi mo tseleng maloba fa lo tswa kwa Egepeto, le ka kgosi Balake a ne a rapa Bileame morwa Beore kwa Phethore wa Mesopotamia gore a tle go lo hutsa. Mme Morena, Modimo wa gago, a gana go utlwa Bileame, a go fetolela khutso go nna tshegofatso, ka Morena, Modimo wa gago, a ne a go rata. O se ka wa batla kagiso ya bone le tlhogonolo ya bone ka gope ka malatsi otlhe a gago. “O se ka wa tlhoa Moetomo ka gonne ke wa ga eno. O se ka wa tlhoa Moegepeto, ka gonne o ne o le moeng mo lefatsheng la ga gabo. Bana ba bone ba ba tsalwang mo losikeng lwa boraro ba ka tsena mo phuthegong ya Morena. “E re fa o bololela baba ba gago o le mo bothibelelong o itise mo go tsotlhe tse di maswe. Fa go le monna mo go wena yo o itshekologileng ka se se mo dirafaletseng bosigo, a a tswele kwa ntle ga bothibelelo, a se ka a boela mo go jona. Mme e re go le maitsiboa, a tlhape ka metsi, mme fa letsatsi le phirima, a ka boela mo bothibelelong. “Le gona o nne le felo fa go kwa thoko ka kwa ntle ga bothibelelo kwa o yang teng fa o ithoma. Mme mo dilong tsa gago o nne le kepu; jaanong e ne e re fa o ya go kotama kwa ntle, o epa ka yona, o be o tshelele mantle a gago. Gonne Morena, Modimo wa gago, o ntse a sepela mo bothibelelong jwa gago gore a go namolele, a neele baba ba gago mo diatleng tsa gago; ke ka moo bothibelelo jwa gago bo tshwanetseng go nna phepa, e se re gongwe a bona tse di maswe mo go wena, a ba a go hularela. “Lekgoba le le thobileng mo go mong wa lone, la tshabela kwa go wena, o se ka wa le busetsa mong wa lone. A le nne mo go wena mo felong fa le go itlhaolelang mo motseng mongwe wa gago kwa le go ratang; o se ka wa le gatelela. “Mo go bomorwadia Baiseraele go se nne ope yo o direlang medimo ya boaka; le mo go bomorwa Baiseraele go se nne ope yo o direlang medimo ya boaka. O se ka wa tlisa tuelo ya seaka sa mosadi kwa ntlong ya Morena, Modimo wa gago, le e seng madi a a rapileng ntšwa, le fa e le ka ntlha ya maikano afe; gonne ka bobedi jwa tsona ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago. “E re fa o adima wa ga eno, o se ka wa batla tsadiso ya madi gongwe ya dijo gongwe ya se sengwe se se tleng se adimelwe tsadiso. Wa ditšhaba di sele o ka mo adimela tsadiso, mme wa ga eno o se ka wa mo adimela tsadiso gore Morena, Modimo wa gago, a tle a go tshegofatse mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di lekang mo lefatsheng le o tla tsenang mo go lone gore e nne la gago. “E ne e re fa o ikanela Morena, Modimo wa gago, maikano o se ke o diega go a dirafatsa; gonne fa o sa dire jalo, Morena, Modimo wa gago, o tla a batla mo go wena mme a tla go fetogela boleo. Mme fa o sa ikane, ga se boleo mo go wena. Fela se se duleng mo molomong wa gago o se tlhokomele, o dire ka fa o ikanetseng Morena, Modimo wa gago, maikano ka teng, o dire se o se buileng ka molomo wa gago. “Fa o tsena mo tshimong ya moweine ya mongwe-ka-wena, o ka ja maungo ka fa o eletsang ka gona, wa ba wa kgora, mme o se ka wa fulela mo tlatlaneng ya gago. Fa o tsena mo tshimong ya mabele ya mongwe-ka-wena, o ka roba diako ka seatla sa gago, wa ja, mme o se ka wa kgadikanya sekele mo mabeleng a mongwe-ka-wena. “E re fa monna a tsaya mosadi, a mo nyala, mme ka moso mosadi a sa mo kgatlhe, ka a bonye sengwe sa ditlhong mo go ene, a a mo kwalele lokwalo lwa tlhalo, a lo mo neele seatleng, a mo nee tsela, mme a mo tswele ka lapa. Jaanong fa mosadi a tswa mo ntlong ya gagwe, a ya a nyalwa ke monna yo mongwe, mme le monna wa bobedi a mo ila, a mo kwalela lokwalo lwa tlhalo, a lo mo neela seatleng, a mo naya tsela, mme a mo tswela ka lapa, gongwe fa monna wa bobedi yo o mo tsereng a swa, monna wa ntlha wa gagwe yo o mo tlhadileng ga a tshwanela go mo tsaya gape go nna mosadi wa gagwe, ka mosadi a itshekologile. Gonne moo ke maila fa pele ga Morena. Lefatshe le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang go nna boswa, o se ka wa le tsenya mo molatong. “E re fa e le gona monna a tsayang mosadi, a se ka a bolola mophatong, le gona a se ka a kuiwa go dira tiro nngwe, mme a gololesegele lapa la gagwe ngwaga o le mongwe, a itumele le mosadi wa gagwe yo a mo tsereng. “A go se ka ga tsewa lelwala le tshilo go nna peeletso ya molato, le fa e le tshilo fela; gonne go dira jalo ke go beeletsa ka botshelo. “E re fa mongwe a fitlhelwa a utswile motho wa ba ga gabo wa Baiseraele a mo tshola ka setlhogo gongwe a mo rekisa, a legodu leo le swe. O tlose bosula jalo mo go wena. “Itiseng mo bolwetseng jwa lepero, lo tlhokomele thata go dira fela jaaka baperesiti ba Balefi ba lo ruta; lo tlhokomele go dira jaaka ke ba laetse. Gopolang se Morena, Modimo wa lona, o se diretseng Miriame mo tseleng jale fa lo tswa kwa Egepeto. “E re fa o adima mongwe-ka-wena sengwe, o se ka wa tsena mo ntlong ya gagwe go itseela peeletso, mme o eme ka fa ntle, mme ene yo o mo adimileng a go ntshetse peeletso kwa ntle. Mme fa e le mohumanegi, o se ka wa lala ka peeletso ya gagwe, mme bogolo o mmusetse peeletso fa letsatsi le phirima, gore a robale mo kobong ya gagwe, a go tshegofatse. Moo e tla nna tshiamo mo go wena fa pele ga Morena, Modimo wa gago. “O se ka wa gatelela modiri yo o rapetsweng tuelo wa mmogisegi le mohumanegi, le fa e le wa ba ga eno gongwe wa baeng ba gago ba ba mo lefatsheng la gago mo metseng ya ga eno, mme o mo nee tuelo ya gagwe ka letsatsi la teng, letsatsi le ise le phirime; gonne o humanegile, mme pelo ya gagwe e e nyoretswe, e se re gongwe a goela Moreneng ka ntlha ya gago, mme ga nna boleo mo go wena. “A borra-bana ba se ka ba bolawa ka ntlha ya bana, le bana ba se ka ba bolawa ka ntlha ya borraabo, mme mongwe le mongwe a bolawe ka ntlha ya boleo jwa gagwe. “O se ka wa kgopamisa tshiamelo ya moeng gongwe ya lesiela le e seng go tsaya seaparo sa motlholagadi go nna peeletso. Mme o gopole fa o ne o le motlhanka kwa Egepeto, mme Morena, Modimo wa gago, a go golola, a go hudutsha teng; ke ka moo ke go laelang go dira jalo. “E re fa o robile thobo ya gago kwa tshimong ya gago, mme wa lebala ngata kwa tshimong, o se ka wa boela teng go e tsaya; a e nne ya moeng gongwe ya lesiela gongwe ya motlholagadi gore Morena, Modimo wa gago, a tle a go tshegofatse mo ditirong tsotlhe tsa diatla tsa gago. E re fa o sena go tlhotlhora setlhare sa olefa sa gago, o se ka wa boela, wa batlabatla maungo mo dikaleng; a a setseng a e nne a moeng gongwe a lesiela gongwe a motlholagadi. E re fa o fudile tshimo ya moweine ya gago, o se ka wa boela wa ronopa; a maronopo e nne a moeng gongwe a lesiela gongwe a motlholagadi. O gopole fa o ne o le motlhanka kwa lefatsheng la Egepeto; ke ka moo ke go laelang go dira jalo. “E re fa go na le kgang mo banneng, mme ba ya kwa lekgotleng go seka, a baatlhodi ba ba sekise, ba atlholele mosiami, ba atlhole yo o molato. Jaanong fa mosenyi a tshwanetse go itewa, a moatlhodi a mo kgwathise, mme a itewe fa pele ga gagwe mo go lekanyeng molato wa gagwe. Moatlhodi o ka mo atlhola dithupa di le 40, e seng go feta foo, e se re gongwe wa ga eno a nyatsega mo matlhong a gago, fa a mo atlhotse dithupa di le dintsi go feta tseo. “O se ka wa bofa kgomo molomo, fa e photha. “E re fa bomorwa motho ba agile mmogo, mme mongwe wa bone a swa a se na ngwana wa mosimane, a mosadi wa moswi a se ka a nyalwa ke monna o sele, mme a morwa-rraagwe monna wa gagwe a tsene kwa go ene, a mo tlhatswe go nna mosadi wa gagwe, a mo direle tshwanelo ya ga morwa-rraagwe. Jaanong morwa wa ntlha yo a tla mo tsholang a bidiwe ka leina la ga morwa-rraagwe yo o suleng gore leina la gagwe le se ka la phimolwa mo go Iseraele. Mme fa monna yoo a sa rate go tsaya motlholagadi wa ga morwa-rraagwe, a motlholagadi wa ga morwa-rraagwe a ye kwa lekgotleng kwa bagolong, a bolele a re: ‘Morwa-rraagwe monna wa me o ganne go tsosetsa morwa-rraagwe leina mo go Iseraele; ga a rate go ntlhatswa jaaka e le tshwanelo.’ Jaanong a bagolo ba motse wa ga gabo ba mmitse, ba bue nae. Mme fa a tlhomamisa a re: ‘Ga ke rate go mo tlhatswa,’ gona a motlholagadi wa morwa-rraagwe a mo atamele mo matlhong a bagolo, a mo role setlhako mo lonaong, a mo kgwele mathe mo sefatlhegong, a fetole a re: ‘Monna yo o ganang go aga ntlo ya ga morwa-rraagwe o tla direlwa jalo.’ Mme o tla tewa leina mo go Iseraele go twe: Goora-morolwasetlhako. “E re fa banna ba le babedi ba lwa, mme mosadi wa yo mongwe a atamela, a re o namolela monna wa gagwe mo seatleng sa yo o mo itayang, a ntsha letsogo, a mo tshwara mapele, gone o mo kgaole seatla; leitlho la gago le se ka la mo rekegela. “O se ka wa nna le mefuta e le mebedi ya majwe a a lekanyang bokete, a mogolo le a mannye, mo kgwatlhaneng ya gago. O se ka wa nna le mefuta e le mebedi ya dielo tsa efa mo ntlong ya gago, se segolo le se sennye. O nne le lentswe le le lekanyang bokete le le tletseng le le siameng; o nne le efa e e lekanyeng e e siameng gore malatsi a gago a nne mantsi mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang tseo tse di sokameng ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago. “Gopolang tse Baamaleke ba di lo diretseng mo tseleng, fa lo tswa kwa Egepeto, ka fa ba neng ba emelana le lona mo tseleng ka teng, ba bolaya botlhe ba lona ba ba setseng kwa morago ba fedile thata, lona lo lapile, lo feletswe, mme ba se ka ba boifa Modimo. Jaanong e re fa Morena, Modimo wa gago, a sena go go naya boikhutso go se na mmaba ope yo o ka go tshwenyang tikologong mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang go nna boswa gore o le rue, gona o phimole leina la Baamaleke fa tlase ga legodimo. O se ka wa lebala. “E re o sena go tsena kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang go nna boswa, mme o sena go le rua le go nna mo go lone, o tsee mabutswapele mangwe a maungo otlhe a masimo, a o tla a kotulang mo lefatsheng la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang, o a tsenye mo serotong, o ye kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng, o ye kwa go moperesiti yo o tla bong a le teng ka metlha eo, o mo ree o re: ‘Kajeno ke begela Morena, Modimo wa me, gore ke gorogile mo lefatsheng le Morena a le ikanetseng borraetsho go le re naya.’ “Jaanong a moperesiti a tsee seroto mo seatleng sa gago, a se bee fa pele ga aletare ya Morena, Modimo wa gago. Mme o tlhatlose lentswe, o bolele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o re: ‘Rraetsho e ne e le Mosiria yo o kgarakgatshegang, a fologela kwa Egepeto, a ya go jaka teng, a na le batho ba se kae fela, mme teng a nna setšhaba se segolo, se se thata, se sentsi. Mme Baegepeto ba ne ba re direla bosula, ba re gatelela, ba re dirisa tiro e e bokete. Ke fa ra goela Moreneng, Modimo wa borraarona, mme Morena a utlwa selelo sa rona, a bona pogisego ya rona le tapisego ya rona le pitlaganyo ya rona. Morena a ba a re hudusa kwa Egepeto ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng le ka theregiso e kgolo le ka ditshupo le dikgakgamatso, a re gorosa felong fano, a re naya lefatshe leno, lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Jaanong bona, ke tlisitse mabutswapele a maungo a lefatshe le o le nneileng, wena Morena,’ – o be o a bee fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o itumelele tse di molemo tsotlhe tse Morena, Modimo wa gago, a di go fileng le ba lapa la gago, wena le Molefi le moeng yo o nang nao. “E ne e re o sena go ntsha karolo ya some yotlhe ya thobo ya gago ka ngwaga wa boraro wa go thusa batlhoki ka karolo ya some le go e naya Molefi le moeng le lesiela le motlholagadi gore ba e je mo metseng ya gago, ba kgore, o tla o rapela fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o re: ‘Ke tlositse tse di boitshepo mo ntlong ya me, ke bile ke di neile Molefi le moeng le lesiela la motlholagadi fela jaaka o ntaetse. Ga ke a tlola taolo epe ya gago le e seng go lebala epe. Ga ke a ka ka ja sepe sa tsona mo bohutsaneng jwa me le e seng go tlosa sepe sa tsona ke itshekologile, le e seng go naya moswi sepe sa tsona. Ke utlwile lentswe la Morena, Modimo wa me; ke dirile fela jaaka o ntaetse. A ko o okomele o le kwa boagong jo bo boitshepo jwa gago jo bo kwa legodimong, o tshegofatse morafe wa gago wa Iseraele le lefatshe le o le re neileng jaaka o ikanetse borraetsho, e bong lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.’ “Kajeno Morena, Modimo wa gago, o go laela gore o dirise melao eo le ditshwanelo tseo, o di tlhokomele, o di dire ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe. Kajeno o utlwile Morena a re, ene o tla nna Modimo wa gago, mme wena o tsamae mo ditseleng tsa gagwe, o tlhokomele melao ya gagwe le ditaolo tsa gagwe le ditshiamelo tsa gagwe, o utlwe lentswe la gagwe. Kajeno Morena o go utlwile o re, wena o tla nna morafe wa gagwe o o mo ineetseng jaaka a go solofeditse, o tlhokomela ditaolo tsotlhe tsa gagwe. Morena o rile a re, ene o tla go dira morafe o mogolo o o gaisang ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng ka pako le tumo le bontle gore o nne morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa gago, jaaka a buile.” Moše a ba a laela morafe a na le bagolo ba Iseraele, a re: “Tlhokomelang ditaolo tsotlhe tse ke di lo laelang kajeno. E re ka letsatsi le lo tla tshelang Joretane ka lone, lo ya kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang, lo itlhomele mafika a magolo, lo a take ka taka; lo kwale mafoko otlhe a molao oo mo go ona, lo sena go tshela gore lo tle lo tsene kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang, lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, jaaka Morena, Modimo wa borraeno, a lo solofeditse. E re lo sena go tshela Joretane, lo tlhome mafika ao ke lo laelang ka ga ona kajeno kwa thabeng ya Ebale, lo a take ka taka. Le gona lo agele Morena, Modimo wa lona, aletare ya majwe teng; lo se ka lwa a betla ka tshipi. Lo age aletare ya Morena, Modimo wa lona, ka majwe a a sa betlwang, lo direle Morena, Modimo wa lona, ditlhabelo tsa phiso mo go yona. Lo be lo tlhabe ditlhabelo tsa tebogo, lo jele teng, lo itumele fa pele ga Morena, Modimo wa lona. Lo kwale mafoko otlhe a molao oo mo mafikeng ao, lo a gwaye sentle.” Moše a ba a bua le Baiseraele botlhe a na le baperesiti le Balefi, a re: “Didimalang, Baiseraele, lo reetse! Kajeno lo diregile morafe wa Morena, Modimo wa lona. Utlwang he lentswe la Morena, Modimo wa lona, lo dire ka fa ditaolong tsa gagwe le ka fa melaong ya gagwe tse ke di lo laelang kajeno.” Moše a laela morafe ka letsatsi leo a re: “Ditso tse di tshwanetseng go ema mo thabeng ya Gerisime go tshegofatsa morafe, le sena go tshela Joretane, ke Simeone le Lefi le Juta le Isašare le Josefa le Benyamene. Mme tse di tshwanetseng go ema mo thabeng ya Ebale go hutsa ke Rubene le Gate le Asere le Sebulone le Dane le Nafetale. A Balefi ba bue, ba ree banna botlhe ba Iseraele ka mantswe a a tlhatlositsweng ba re: “ ‘Go hutsitswe monna yo o dirang modimo wa seseto gongwe o o bopilweng, o e leng maila mo Moreneng, e le tiro ya diatla tsa setswerere fela, a ba a o baya mo sephiring.’ Mme a morafe otlhe o arabe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o nyatsang rraagwe gongwe mmaagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o katosang molelwane wa mongwe-ka-ene.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o timetsang sefofu mo tseleng.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o kgopamisang tshiamelo ya moeng gongwe ya lesiela gongwe ya motlholagadi.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o robalang le mosadi wa ga rraagwe, gonne o bipolotse kobo ya ga rraagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o robalang le seruiwa sengwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o robalang le kgaitsadie, morwadia rraagwe gongwe morwadia mmaagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o robalang le matsalaagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o bolayang mongwe-ka-ene mo sephiring.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o rekwang ka thelesetso gore a tle a bolae motho yo o se nang molato.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “ ‘Go hutsitswe yo o sa dirafatseng mafoko otlhe a molao oo ka go dira ka one.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’ “E tla re fa o reetsa lentswe la Morena, Modimo wa gago, sentle o tlhokomela go dira ka fa ditaolong tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laelang kajeno, gona Morena, Modimo wa gago, o tla go dira morafe o mogolo o o gaisang ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe. Mme ditshegofatso tsotlhe tse, di tla go dirafalela, di go fitlhela, fa o utlwa lentswe la Morena, Modimo wa gago. “O tla bo o tshegofaditswe mo motseng, o bile o tshegofaditswe kwa masimo. “Go tla bo go tshegofaditswe leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago le leungo la diruiwa tsa gago, e bong dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago. “Go tla bo go tshegofaditswe seroto sa gago le mogopo wa gago wa bodubelo. “O tla bo o tshegofaditswe, fa o goroga, o bile o tshegofaditswe, fa o bolola. “Morena o tla dira gore baba ba gago ba ba go tsogelang ba fenngwe ke wena. Ba tla go bololela ka tsela e le nngwe, mme ba tla tshaba fa pele ga gago ka ditsela di supa. “Morena o tla laela lesego gore le nne nao mo difaleng tsa gago le mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di simololang; o tla go tshegofatsa mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang. “Morena o tla go itlhomamisetsa go nna morafe o o boitshepo wa gagwe jaaka a go ikanetse, fa o tlhokomela ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, o sepela mo ditseleng tsa gagwe. Mme merafe yotlhe ya lefatshe e tla bona, fa leina la Morena le kuilwe godimo ga gago, e go boifa. Morena o tla go naya letlotlo la tse di molemo ka leungo la mmele wa gago le ka leungo la diruiwa tsa gago le ka leungo la masimo a gago mo lefatsheng le Morena a ikanetseng borraeno go le go naya. Morena o tla go bulela ntlo ya khumo ya gagwe e e molemo, e bong legodimo, a nesetsa lefatshe la gago pula ka sebaka sa yona gore a tshegofatse tiro yotlhe ya seatla sa gago. O tla adima ditšhaba tse dintsi, mme wena ga o kitla o adima mo go ope. Morena o tla go dira tlhogo, e seng mogatla; o tla nna kwa godimo fela, ga o kitla o nna kwa tlase fa o utlwa ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, tse ke di go laelang kajeno gore o di tlhokomele le go dira ka tsona; fa o sa fapoge mo mafokong otlhe a ke a go laelang kajeno, o sa fapogele ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema go ya go latela medimo e sele go e direla. “Mme e tla re fa o sa utlwe lentswe la Morena, Modimo wa gago, o sa tlhokomele go dira ka fa ditaolong tsotlhe tsa gagwe le ka fa melaong ya gagwe tse ke di go laelang kajeno, gona dikhutso tsotlhe tse, di tla go dirafalela, di go fitlhela. “O tla bo o hutsitswe mo motseng, e bile o hutsitswe kwa masimo. “Go tla bo go hutsitswe seroto sa gago le mogopo wa gago wa bodubelo. “Go tla bo go hutsitswe leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago le dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago. “O tla bo o hutsitswe, fa o goroga, o bile o hutsitswe, fa o bolola. “Morena o tla go romela khutso le tseano le madimabe mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di simololang, tse o di dirang, go ya o be o nyelediwe, go ya o latlhege ka pele ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa gago, ka o ntlogetse. Morena o tla go kgomaretsa leroborobo go tsamaya a ba a go fedise mo lefatsheng le o tla tsenang mo go lone gore e nne la gago. Morena o tla go betsa ka bolwetse jwa mafatlha le jwa mogote le ka go tuka bolelo thata le ka diso le ka komelelo le ka phori le ka mongadule; di tla go latelela go ya o be o latlhege. Magodimo a gago a a go okameng a tla tshwana le kgotlho; lefatshe le le fa tlase ga gago le nna jaaka tshipi. Morena o tla fetola pula ya lefatshe la gago lerole le motlhaba; di tla fologela mo go wena di tswa kwa legodimong go ya o be o nyelediwe. “Morena o tla dira gore o fenngwe ke baba ba gago. O tla ba bololela ka tsela e le nngwe, mme o tla ba tshaba ka ditsela di supa. Magosi otlhe a lefatshe a tla go sisimoga. Ditoto tsa gago e tla nna dijo tsa dinonyane tsotlhe tsa loapi le tsa dibata tsa naga, go se na ope yo o di tshosang. Morena o tla go betsa ka diso tsa Egepeto le ka ditlhagala le ka motshweetshwee le ka motshwa, mo o bileng o palelwa ke go alafiwa. Morena o tla go ôtla ka botsenwa le ka bofofu le ka therego ya pelo. O tla nna o fophola motshegare jaaka sefofu se tle se fophole mo lefifing; ga o kitla o tlhogonolofala mo ditseleng tsa gago; o tla nna o gatelelwa fela, o thukhuthwa dilo ka metlha yotlhe, go se na mothusi. “O tla beelela mosadi, mme monna yo mongwe o tla robala nae; o tla aga ntlo, mme ga o kitla o nna mo go yona; o tla tlhoma tshimo ya moweine, mme ga o kitla o ja maungo a yona. Kgomo ya gago e tla tlhajwa o ntse o lebile, mme ga o ne o ja sepe sa yona; esele ya gago e tla amogiwa fa pele ga gago, mme ga e ne e boela kwa go wena; difutshane tsa gago di tla newa baba ba gago, o se na mothusi. Bomorwao le bomorwadio ba tla neelwa morafe o sele go nna makgoba, matlho a gago a ntse a bona, a hubile a ba tlhologeletswe letsatsi lotlhe, o se na thata epe. Maungo a masimo a gago le a matsapa otlhe a gago a tla jewa ke morafe o ò sa o itseng. O tla nna o gatelelwa fela, o patikwa ka metlha yotlhe. O tla tlhakanngwa tlhogo ke tse matlho a gago a tla di bonang. Morena o tla go betsa ka diso tse di bosula mo mangoleng le mo diropeng le go tloga patong ya lonao lwa gago go fitlha phogong ya gago, mo o sa ka keng wa alafiwa. “Wena le kgosi ya gago e o tla e ipeelang Morena o tla lo isa kwa setšhabeng se wena le borraeno lo neng lo sa se itse; teng o tla direla medimo e sele ya dikota le ya majwe. O tla fetoga theregiso le seane le sefela sa tshotlo mo merafeng yotlhe kwa Morena a tla go isang teng. “O tla jwala peo e ntsi kwa tshimong, mme o roba dijo di se kae fela; gonne di tla jewa ke tsie. O tla tlhoma masimo a moweine, o o tlhagolela, mme ga o ne o nwa weine le e seng go e boloka. Gonne maungo a tla jewa ke diboko. O tla nna le ditlhare tsa olefa mo nageng yotlhe ya gago, mme ga o ne o tlola lookwane; gonne diolefa tsa gago di tla tlhotlhorega. O tla tsala bomorwa le bomorwadi, mme e tla bo e se ba gago; gonne ba tla ya mo botshwarong. Ditlhare tsotlhe tsa gago le maungo a masimo a gago e tla nna tsa tsie. “Moeng yo o nang nao o tla nna a gola, a go feta ka bogolo, mme wena o tla nna o fologela kwa tlase. Ene o tla go adima, mme wena ga o kitla o mo adima; ene o tla nna tlhogo, mme wena o nne mogatla. “Dikhutso tsotlhe tseo di tla go dirafalela, di go latelela, di go fitlhela go tsamaya o be o nyelediwe, ka o se ka wa utlwa lentswe la Morena, Modimo wa gago, le e seng go tlhokomela ditaolo tsa gagwe le melao ya gagwe tse a di go laetseng. Dikhutso di tla nna mo go wena le mo losikeng lwa gago go nna sesupo le kgakgamatso ka bosakhutleng. E re ka o se ka wa direla Morena, Modimo wa gago, ka boitumelo le ka monate wa pelo ka ntlha ya letlotlo la dilo tsotlhe, o tla direla baba ba gago ba Morena o tla ba romelang kwa go wena, o le mo tlaleng le mo lenyoreng, o sa ikatega, o tlhoka tsotlhe. Mmaba o tla go rwesa joko ya tshipi molaleng go ya a be a go nyeletse. Morena o tla go tlisetsa setšhaba sa kwa kgakala sa kwa bokhutlong jwa lefatshe, se se tlang jaaka ntswi e tle e kale, setšhaba se o sa itseng puo ya sona; setšhaba sa difatlhego tse di kwatlaletseng, se se sa tlhokomeleng monna mogolo le e seng go tlhomogela mosimane pelo. Se tla ja letsalo la diruiwa tsa gago le maungo a masimo a gago go ya o be o nyelediwe. Ga se kitla se go sadisetsa mabele le matute a moweine le lookwane le dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago go ya se be se go fedise. Se tla go pitlaganya mo metseng yotlhe ya gago go ya go fitlhelela dipota tsa gago tse di godimo tse di tiileng tse o di ikanyang di be di we mo lefatsheng lotlhe la gago. Mme e tla re se go dikanyetsa ka ntwa mo metseng yotlhe ya gago mo lefatsheng lotlhe la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang, o je leungo la mmele wa gago, e bong nama ya bomorwao le ya bomorwadio ba Morena, Modimo wa gago, o ba go neileng, o le mo pitlaganyong le mo tlalelong tse mmaba wa gago a tla go tlaletsang ka tsona. Monna yo o lemetseng kwa ga eno yo o tlekeetso thata o tla tima morwa-rraagwe le mosadi yo a mo ratang le bana ba bangwe ba gagwe ba ba setseng; ga a ne a naya ope wa bone sengwe sa nama ya bana ba gagwe e a e jang, ka a sa salelwa ke sepe mo pitlaganyong le mo tlalelong tse mmaba wa gago a tla go tsenyang mo go tsona mo metseng yotlhe ya gago. Mosadi yo o lemetseng kwa ga eno yo a iseng a ke a leke go baya pato ya lonao lwa gagwe fa fatshe ka ntlha ya temalo le tlekeetso o tla tima yo a mo ratang le morwawe le morwadie, a ba tima kobo ya ngwana ya gagwe e e duleng fa gare ga maoto a gagwe le bana ba gagwe ba a ba tsholang; gonne o tla ba ja mo sephiring ka ntlha ya go tlhoka tsotlhe mo pitlaganyong le mo tlalelong tse mmaba wa gago o tla go tlaletsang ka tsona mo metseng ya gago. “E tla re fa o sa tlhokomele go dira ka fa mafokong otlhe a molao o a a kwadilweng mo lokwalong lo, le go boifa leina le le tlotlegang, le le boitshegang le, e bong la Morena, Modimo wa gago, gona Morena o tla go tlholela dipetso tse di gakgamatsang, wena le ba losika lwa gago, dipetso tse dikgolo tse di sa feleng le malwetse a a botlhoko a a sa foleng. O tla go bolaisa malwetse otlhe a a tshelwang a Egepeto a o neng o a boifa mme a tla go kgomarela. Le gona Morena o tla go dirafaletsa malwetse a mefutafuta le dipetso tsa mefutafuta tse di sa kwalwang mo lokwalong lo lwa molao go ya o be o nyelediwe. Lo tla sadisiwa lo le ba se kae fela, etswe lo kile lwa bo lo le kana ka dinaledi ka bontsi, ka lo se ka lwa utlwa lentswe la Morena, Modimo wa lona. Morena o tla itumelela go lo isa tatlhegong le go lo nyeletsa fela jaaka a ne a lo itumelela, a lo direla molemo le go lo atisa, mme lo tla gogolwa mo lefatsheng le lo tla tsenang mo go lone go le rua. “Morena o tla go phatlalaletsa kwa merafeng yotlhe go tswa mafelelong a lefatshe go ya mafelelong a lefatshe; teng o tla direla medimo e sele ya dikota le ya majwe, e o neng o sa e itse le e seng borraeno. Le gona ga o kitla o iketla kwa ditšhabeng tseo, go se na boikhutso jwa pato ya lonao lwa gago; teng Morena o tla go naya pelo e e roromang le matlho a a tlhontseng le mowa o o itlhobogang. Botshelo jwa gago e tla bo e le jo bo lepeletseng mo tlhaleng fa pele ga gago, o boifa bosigo le motshegare, o sa itse go tshela ka namatshego. Mo mosong o tla re: ‘E kete go ka bo go le maitsiboa.’ Maitsiboa o re: ‘E kete go ka bo go le moso,’ ka ntlha ya poifo ya pelo ya gago e o tla boifang ka yona le ka ntlha ya tsona tse o tla di bonang ka matlho. Morena o tla go busetsa gape kwa Egepeto ka dikepe ka tsela e ke buileng nao ka ga yona ka re: ‘Ga o kitla o tlhola o e bona gape.’ Teng lo tla bapadiwa mo babeng ba lona go nna makgoba a banna le a basadi mme moreki a se yo.” Ke ona mafoko a kgolagano e Morena o neng a laetse Moše go e dira le Baiseraele kwa lefatsheng la Moabe kwa ntle ga kgolagano e o e dirileng nabo kwa Horebe. Mme Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Lo bonye tsotlhe tse Morena o di diretseng Farao le batlhanka botlhe ba gagwe le lefatshe lotlhe la gagwe mo matlhong a lona kwa lefatsheng la Egepeto. Ke diteko tse dikgolo tse matlho a lona a di bonyeng, ditshupo tsele le dikgakgamatso tsele. Mme go fitlha letsatsing leno Morena ga a ise a lo nee dipelo tse di ka lemogang le matlho a a ka bonang le ditsebe tse di ka utlwang. Ke lo tsamaisitse dinyaga di le 40 mo sekakeng; diaparo tsa lona tse lo di apereng ga di a ka tsa onala le ditlhako tsa lona tse lo di rweleng mo dinaong ga di a ka tsa onala. Ga lo a ka lwa ja senkgwe le e seng go nwa weine gongwe bojalwa, lwa di tingwa gore lo tle lo itse, fa e le nna Morena, Modimo wa lona. Mme e rile lo fitlha mono, ga bolola Sihone, kgosi ya Hešebone le Oge, kgosi ya Basane, ba re tlhasela, mme ra ba fenya, ra thopa lefatshe la bone, ra le naya Barubene le Bagate le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase go nna boswa. Tlhokomelang he mafoko a kgolagano e, lo dire ka ona gore lo tle lo tshegofale mo go tsotlhe tse lo tla di dirang. “Lo eme lotlhe kajeno fa pele ga Morena, Modimo wa lona, e bong ditlhogo tsa ditso tsa lona le bagolo ba lona le baokamedi ba lona le banna botlhe ba Iseraele le bana ba lona le basadi ba lona le baeng ba lona ba ba mo bothibelelong jwa lona, le fa e le ba ba fatsang dikgong tsa lona gongwe ba ba lo gelang metsi gore lo tsene mo kgolaganong ya Morena, Modimo wa lona, e Morena, Modimo wa lona, o e dirang le lona kajeno e a e tiisitseng ka maikano le khutso gore a tle a lo dire morafe wa gagwe kajeno, a be a nne Modimo wa lona jaaka a lo solofeditse le jaaka a ikanetse borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe. Kgolagano e, e e tiisitsweng ka maikano le khutso, ga ke e dire le lona fela, mme e bile ke e dira le ba ba se nang le rona fano kajeno, fela jaaka ke e dirile le ba ba nang le rona fano, ba eme fa pele ga Morena, Modimo wa rona, kajeno. “Kana lo itse ka losi ka fa re neng re ntse ka teng kwa lefatsheng la Egepeto le ka fa re neng ra ralala ditšhaba ka teng tse lo di raletseng, lwa bona maila a bone le medimo e e maswe ya bone ya logong le ya lentswe le ya selefera le ya gouta e ba nang nayo. Jaanong a go se ka ga nna ope mo go lona yo pelo ya gagwe e hularelang Morena, Modimo wa rona, kajeno, e seng monna gongwe mosadi gongwe losika gongwe lotso go ya go direla medimo ya ditšhaba tseo, e se re gongwe ga nna modi mo go lona o o ungwang mogau le longana. A go se ka ga nna ope yo e reng a utlwa mafoko a maikano le a khutso a ikaketsa mo pelong ya gagwe a re: ‘Ke tla tshela sentle, le fa ke sepela mo boithatelong jwa pelo ya me;’ ka go dira jalo go ka latlhega lefatshe lotlhe, le le metsi mmogo le le le omileng. Monna yo o ntseng jalo Morena o tla gana go mo itshwarela; gonne foo bogale jwa Morena bo tla mo tukela le lefufa la gagwe; dikhutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo di tla mo dirafalela, mme Morena o tla phimola leina la gagwe fa tlase ga legodimo. Morena o tla mo lomologanya le ditso tsotlhe tsa Iseraele go mo isa tatlhegong ka fa dikhutsong tsotlhe tsa kgolagano e e kwadilweng mo lokwalong lo lwa molao. “Mme go tla botsa losika lwa metlha e e tlang lwa bana ba lona ba ba tla nnang teng sehularong sa lona le ba ditšhaba di sele ba ba tswang kwa lefatsheng le le kgakala mogang ba bonang dipetso tsa lefatshe le, le malwetse a lone a Morena o a tshetseng mo go lone go le sebabole le letswai, naga yotlhe ya lone e le pilo fela, le sa lengwe, le sa tlhogise sepe, go sa mele morogo ope mo go lone, le tshwana le thibegetso ya Sotoma le Gomora le Atema le Seboime tse Morena a di ribegeditseng mo bogaleng jwa gagwe le mo kgalefong ya gagwe; ditšhaba tsotlhe di tla botsa di re: ‘Ke ka ntlha ya eng, fa Morena a diretse lefatshe leno jalo? Bogale jo bo tukang jo bogolo jo ke jwa go reng?’ Go tla twe: ‘Ke ka go re ba tlogetse kgalagano ya Morena, Modimo wa borraabo, e o dirileng nabo, jale fa a ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto; ba ya ba direla medimo e sele, ba e obamela, medimo e ba neng ba sa e itse, e Morena a sa e ba laolelang. Ke ka moo bogale jwa Morena bo tuketseng lefatshe le gore a le dirafaletse dikhutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo. Morena o bile a ba kumola mo mmung wa bone ka bogale le ka kgalefo le ka kgakatsego e kgolo, a ba latlhela kwa lefatsheng le sele jaaka go ntse kajeno.’ “Tse di sa senolwang ke tsa Morena, Modimo wa rona; tse di senotsweng ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleng gore re dirise mafoko otlhe a molao o. “E tla re fa dilo tsotlhe tseo di go dirafalela, e bong tshegofatso le khutso tse ke di beileng fa pele ga gago, mme o di elelelwa kwa ditšhabeng tsotlhe kwa Morena, Modimo wa gago, o go leleketseng gona, o boela kwa Moreneng, Modimo wa gago, o reetsa lentswe la gagwe fela jaaka ke go laela kajeno, wena le bana ba gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, gona Morena, Modimo wa gago, o tla fetola tatlhego ya gago, a go tlhomogela pelo, a go phutha gape kwa merafeng yotlhe kwa Morena, Modimo wa gago, a ne a go falaleditse gona. Le fa bafaladi ba gago ba le kwa mafelelong a legodimo, Morena, Modimo wa gago, o tla go phutha gona, a go tsaya gona. Morena, Modimo wa gago, o tla go busetsa kwa lefatsheng le borraeno ba neng ba le ruile gore le go boele; o tla ba a go direla tse di molemo, a go atisa bogolo go borraeno. Foo Morena, Modimo wa gago, o tla go rupisa pelo le bana ba gago gore o tle o rate Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe gore o tle o tshele. Mme dikhutso tsotlhe tseo Morena, Modimo wa gago, o tla di dirafaletsa baba ba gago le ba ba go tlhoileng ba ba neng ba go bogisa. Mme wena o tla tlhabologa, o reetsa lentswe la Morena, o dira ka fa ditaolong tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laelang gompieno. Morena, Modimo wa gago, o tla go naya letlotlo la tse di molemo mo tirong yotlhe ya diatla tsa gago le la maungo a mmele wa gago le la letsalo la diruiwa tsa gago le la maungo a masimo a gago; gonne Morena o tla go itumelela gape molemong jaaka a ne a itumelela borraeno fa o reetsa lentswe la Morena, Modimo wa gago, mo o bileng o tlhokomela ditaolo tsa gagwe le melao ya gagwe tse di kwadilweng mo lokwalong lo lwa molao; fa o boela kwa Moreneng, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe. “Gonne taolo eo e ke e go laelang kajeno ga e ka ke ya go palela le gona ga e kgakala nao. Ga e kwa legodimong mo go ka tweng: ‘Ke mang yo o tla re tlhatlogelelang kwa legodimong a e re tseela, a e re utlwisa gore re e dirise?’ Le gona ga e kwa moseja ga lewatle mo go ka tweng: ‘Ke mang yo o tla re tshelelelang kwa moseja ga lewatle, a e re tseela, a e re utlwisa gore re e dirise?’ Mme lefoko le gaufi thata nao, le mo molomong wa gago le mo pelong ya gago gore o le dirise. “Bona, kajeno ke beile botshelo le tlhogonolo le loso le tatlhego fa pele ga gago. Se ke se go laelang kajeno ke go rata Morena, Modimo wa gago, le go sepela mo ditseleng tsa gagwe le go tlhokomela ditaolo tsa gagwe le melao ya gagwe le ditshiamelo tsa gagwe gore o tle o tshele, o ntsifale, mme Morena, Modimo wa gago, a go tshegofatse mo lefatsheng le o tla tsenang mo go lone gore e nne la gago. Mme fa dipelo tsa lona di hulara, lo sa utlwe, mme lo raelega, lo obamela medimo e sele, lo e direla, gona ke lo itsise kajeno gore lo tla latlhega tota; ga lo kitla lo phela malatsi a mantsi mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go tsena mo go lone go le rua. Ke dira legodimo le lefatshe basupi ba ba supang ka ga lona gore ke beile botshelo le loso le tshegofatso le khutso fa pele ga lona. Itlhopheleng he botshelo gore lo tle lo tshele, lona le bana ba lona, ka go rata Morena, Modimo wa lona, le ka go utlwa lentswe la gagwe le ka go mo ineela; gonne ke tsona di ka lo tshedisang, tsa atisa malatsi a lona gore lo nne mo lefatsheng le Morena a le ikanetseng borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe go le ba naya.” Moše a ya a bua mafoko a le Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Kajeno dinyaga tsa me di 120; ga ke tlhole ke kgona go bolola le go goroga, mme Morena o ntheile a re: ‘Ga o kitla o tshela Joretane.’ Morena, Modimo wa lona, ke ene yo o tla tshelang, a lo etelela pele; o tla nyeletsa ditšhaba tsele ka esi fa pele ga lona gore lo di leleke mo go di-tsa-tsone. Jošua ene o tla tshela, a lo etelela pele jaaka Morena a buile. Morena o tla di direla jaaka a ne a direla Sihone le Oge, dikgosi tsa Baamori le lefatshe la tsone tse o neng a di nyeletsa. E re Morena a di neela mo diatleng tsa lona lo di direle ka fa taelong yotlhe e ke e lo laetseng. Nnang bopelokgale lo tie, lo se ka lwa boifa le e seng go ba tshoga; gonne Morena, Modimo wa lona, o tla ya le lona ka esi; ga a kitla a lo hularela le e seng go lo tlogela.” Moše a ba a bitsa Jošua, a mo raya mo matlhong a Baiseraele botlhe a re: “Nna bopelokgale o tie; gonne wena o tla tsena mmogo le morafe o mo lefatsheng le Morena o le ikanetseng borraabo go le ba naya; o tla le ba abela go nna boswa. Morena ke ene yo o tla go etelelang pele, o tla nna nao. Ga a kitla a go hularela le e seng go go tlogela. O se ka wa boifa le e seng go tshoga.” Jaanong Moše a kwala molao o, a o neela baperesiti, boora Lefi ba e neng e le basikari ba Letlole la Kgolagano ya Morena le bagolo botlhe ba Iseraele. Moše a ba laela a re: “E ne e re go fela dinyaga di supa, ka nako ya ngwaga wa go phimola melato, ka Moletlo wa Metlaagana, fa Baiseraele botlhe ba tla go bonala fa pele ga sefatlhego sa Morena, Modimo wa lona, mo felong fa o tla go tlhophang, go buisiwa molao o fa pele ga Baiseraele botlhe mo ditsebeng tsa bone. Kgobokanyang morafe, e bong banna le basadi le bana le baeng ba lona ba ba mo metseng ya lona gore ba tle ba reetse le gore ba ithute go boifa Morena, Modimo wa lona, ba tlhokomele go dirisa mafoko otlhe a molao o. Le bana ba bone ba ba sa o itseng a ba o reetse, ba ithute go boifa Morena, Modimo wa lona, ka malatsi otlhe a ba tla phelang ka ona mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya kwa go lone go le rua.” Morena a ba a raya Moše a re: “Bona, malatsi a gago a go swa a atametse. Bitsa Jošua, lo eme mo Tenteng ya Boipontsho gore ke mo laele.” Moše le Jošua ba ya ba ema mo Tenteng ya Boipontsho. Ke fa Morena a iponatsa kwa Tenteng ka pinagare ya leru, mme pinagare ya leru e ne e eme fa mojakong wa Tente. Morena a raya Moše a re: “Bona, o tla robala le borraago, mme morafe o, o tla sala o dira boaka ka go latela medimo e sele ya lefatshe le o tla tsenang mo go lone; teng o tla ntlogela, o senya kgolagano ya me e ke e dirileng nabo. Ka sebaka seo bogale jwa me bo tla o tukela, mme ke tla ba tlogela, ke ba subela sefatlhego sa me, mo ba tla jegang, ba dirafalelwa ke masula a mantsi le ditlalelo. Ka sebaka seo ba tla re: ‘A ga re a dirafalelwa ke masula ao, ka Modimo wa rona o se na le rona?’ Mme ke tla ba subela sefatlhego sa me gotlhe ka sebaka seo ka ntlha ya bosula jotlhe jo ba bo dirileng, ka ba ineetse medimo e sele. “Jaanong he, ikwaleleng sefela se, lo se rute Baiseraele, lo se tsenye mo melomong ya bone gore sefela se e nne mosupi wa me ka ga Baiseraele. Gonne ke tla ba gorosa kwa lefatsheng, le ke le ikanetseng borraabo le le elang mašwi le dinotshe; fela e tla re ba se na go ja le go kgora le go nona, ba ineele medimo e sele, ba e direle, ba nnyatse, ba senye kgolagano ya me. Mme fa masula a mantsi le ditlalelo di ba dirafalela, sefela se se tla supa fa pele ga bone e le mosupi; gonne ga se kitla se lebalwa, se tloga mo melomong ya bana ba bone. Se tla supa gore ke ntse ke itse kakanyo ya bone e ba e akanyang kajeno, ke ise ke ba gorose kwa lefatsheng le ke le ikanetseng borraabo.” Ke fa Moše a kwala sefela seo ka letsatsi leo, a se ruta Baiseraele. Mme Morena a laela Jošua, morwa Nune, a re: “Nna pelokgale, o tie; gonne wena o tla gorosa Baiseraele kwa lefatsheng le ke le ba ikanetseng, mme nna ke tla nna nao.” E rile Moše a se na go kwala mafoko a molao oo mo lokwalong le go a fetsa, a laela Balefi, basikari ba Letlole la Kgolagano ya Morena, a re: “Tsayang lokwalo lo lwa molao, lo lo bee fa thoko ga Letlole la Kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, gore lo nne teng e le mosupi ka ga lona. Gonne nna ke itse borukhutlhi jwa lona le dithamo tsa lona tse di gagametseng. Bonang, fa lo ne lo rukhutlhegela Morena sebakeng seno, ke sa ntse ke phela le lona, morago ga loso lwa me gona go tla nna jang! Jaanong he, phuthelang bagolo botlhe ba ditso tsa lona go nna le bakwaledi ba lona gore ke bue mafoko a mo ditsebeng tsa bone, ke ba biletse legodimo le lefatshe go nna basupi ka ga bone. Gonne ke itse gore, morago ga loso lwa me lo tla senya bogolo, lo fapoga tsela e ke e lo laetseng. Ka moo lo tla wela mo tatlhegong ka malatsi a bofelo, ka lo tla dira tse di bosula mo matlhong a Morena; mme lo tla mo gakatsa ka tiro ya diatla tsa lona.” Moše a ba a bolela mafoko a sefela se mo ditsebeng tsa phuthego yotlhe ya Iseraele, a ba a a fetsa: “Heelang magodimo, tlhwayang ditsebe, ke bolele; heela lefatshe, reetsa dipolelo tsa molomo wa me! A thuto ya me e sarasare jaaka pula, a polelo ya me e rothe jaaka monyo; e etse marothodi a pula mo botalaneng le jaaka pula ya medupe mo morogong. Gonne ke tla baka leina la Morena ke re: Neelang Modimo wa rona tlotlo. “Ke ene Lefika; tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di siame. Ke Modimo o o ikanyegang o o se nang bokgopo; o siame, o tlhamaletse. Ba o senyeditse. Ga se bana ba one, ba tshwana le tshubaba fela; ke losika lo lo sokameng lo lo kgopo gotlhe. A lo leboga Morena jalo, lona morafe o o bosilo o o se nang tlhaloganyo? A ga se ene rraago yo o go bopileng? A ga se ene yo o go dirileng, a go baakanya? “Gopolang malatsi a bogologolo, tlhokomelang dinyaga tsa ditshika tsotlhe. Botsa rraago, o tla go itsise, le banna bagolo ba ga eno ba tla go bolelela. E rile Mogodimodimo a abela ditšhaba boswa, ya re a kgaoganya bana ba batho, a sega melelwane ya merafe ka fa palong ya Baiseraele. Gonne kabelo ya Morena ke morafe wa gagwe; Jakobe ke boswa jwa gagwe jo bo lekantsweng. “A mmona mo lefatsheng la sekaka, fa go tobekanyeng mo selelong sa naga ya dibata. A mo agelela, a mmabalela, a mo sireletsa jaaka thaka ya leitlho la gagwe, jaaka ntswi e tsosa bana ba sentlhaga sa yona, e kala godimo ga mamphorwana a yona, e tsharolola diphuka tsa yona, e a tshola, e a rwala mo diphukeng tsa yona. Morena a mo tsamaisa a le esi, go se na modimo o sele nae. “A mo palamisa mafelo a a godimo a lefatshe, a mo jesa maungo a naga, a mo nosa mafura a semana mo lefikeng le lookwane mo majweng a legakwa le madila a dikgomo le mašwi a difutshane mmogo le mafura a dikwana le diphelehu; a mo jesa dipoo tsa Basane le diphoko, mmogo le mabele a a nonofileng, wa nwa madi a maungo a moweine, weine e e lefulo. “Ješurune a nona, a ja mokaragana – wa nona, wa tswa mmele, wa akola – a tlhokomologa Modimo o o mo dirileng, a nyatsa lefika la pholoso ya gagwe. Ba tsosa lefufa la ona ka go direla medimo e sele, ba o gakatsa ka makgapha. Ba tlhabela medemone e e seng Modimo le medimo e ba neng ba sa e itse e mešwa e e leng gona e tlang e borraabo ba neng ba sa e itse. O tlhokomologile lefika le le go tsetseng, wa lebala Modimo o o go belegeng. “Ya re Morena a bona jalo, a ba latlha, a gakaletse bomorwawe le bomorwadie. A re: ‘Ke tla ba subela sefatlhego sa me, ke bone gore ba tla felela kae; gonne bone ke losika lo lo sokameng gotlhe, ke bana ba ba sa ikanyegeng. E re ka ba tsositse lefufa la me ka tse e seng Modimo, ba nkgakatsa ka medimo ya bone ya boithamako, le nna ke tla tsosa lefufa la bone ka ba e seng morafe, ke tla ba gakatsa ka setšhaba se se bosilo. Gonne molelo o simolotse go tuka ka bogale jwa me, wa tuka go ya kwa felong ga baswi kwa tlasetlase; wa ja lefatshe le tse le di tlhogisang, wa tshuba metheo ya dithaba. “ ‘Ke tla ba kgobokanyetsa masula, ke tla feleletsa metsu ya me mo go bone. E re ba feletswe ka tlala, ba jegile ka go tuka bolelo le ka malwetse a a galakang, ke ba romele meno a dibata mmogo le botlhole jwa dinoga tse di gagabang mo leroleng. Ka kwa ntle tšhaka e tla ba amoga ba ga bone le therego ka mo matlwaneng, makau mmogo le makgarebe le masea le banna ba babududu. Nka bo ke rile: Ke tla ba budula, ke khutlisa batho go ba gopola, fa nka bo ke sa boifa go nkgakatsa ga mmaba, e se re gongwe bagateledi ba bone ba fosa ba re: Diatla tsa rona di ne di le thata; ga se Morena yo o dirileng tsotlhe tse.’ “Gonne Baiseraele ke setšhaba se se latlhegetsweng ke dikgakololo; ga ba na tlhaloganyo. Fa ba ka bo ba tlhalefile, ba ka bo ba tlhaloganya tseo, ba lemoga ka fa ba tla felang ka teng. Mmaba a le mongwe o ka khutšhela jang ba le sekete? Ba le babedi ba ka leleka jang ba le 10 000? Kana ke go re, Lefika la bone le ba rekisitse, Morena o ba latlhile. Gonne lefika la bone ga le tshwane le Lefika la rona; le baba ba rona ba bua jalo. Gonne moweine wa bone ke wa Sotoma le wa masimo a moweine a Gomora; maungo a moweine a bone ke a a botlhole, ba na le masitlha a a galakang. Weine ya bone ke botlhole jwa mokwepa le botlhole jo bo setlhogo jwa mabolobolo. “Tseo a ga di a bolokwa fa go nna, tsa kanwa mo mahumong a me go ya letsatsing la pusoloso le tefetso, go ya sebakeng se dinao tsa bone di tla thekeselang ka sona? Gonne letsatsi la tatlhego ya bone le gaufi; tse di tla ba welang di a itlhaganela. Gonne Morena o tla direla morafe wa gagwe tshiamo, a utlwela batlhanka ba gagwe botlhoko. Gonne o tla bona, fa thata e feleletse, fa go feleletse yo o bofegileng le yo o gololesegileng. Morena o tla re: ‘Le kae lefika le ba neng ba tshabela kwa go lone, medimo ya bone e kae e e neng e ja mafura a ditlhabelo tsa bone, e nwa weine ya tshupelo ya noo ya bone. A e nanoge, e lo thuse gore e nne phemelo ya lona. “ ‘Bonang jaanong gore ke nna tota Modimo ke le nosi, ga go na modimo ope fa e se nna. Ke nna ke bolayang, ke be ke phedise. Ke nna ke remagantseng, ke tla ba ke alafa. Ga go na ope yo o ka pholosang mo seatleng sa me. Gonne ke tla tsholeletsa letsogo kwa legodimong ke re: Ka botshelo jwa me jo bo sa khutleng! Fa ke looditse tšhaka ya me e e phatsimang, mme letsogo la me le dirafatsa katlholo, ke tla ipusolosetsa mo babeng ba me, ke betsa ba ba ntlhoileng. Metsu ya me ke tla e tagisa madi, madi a ba ba bolailweng le a ba ba tshwerweng; tšhaka ya me e tla ja nama ya ditlhogo tsa balaodi ba mmaba.’ “Lona ditšhaba, dudueletsang morafe wa gagwe; gonne o tla busolosa madi a batlhanka ba gagwe; o tla ipusolosetsa mo babeng ba gagwe, a direla lefatshe la gagwe le morafe wa gagwe thuanyo.” Moše a tla, a bolela mafoko otlhe a sefela se mo ditsebeng tsa morafe, ene le Hošea, morwa Nune. Jaanong ya re Moše a sena go bolelela Baiseraele botlhe mafoko otlhe ao, a ba raya a re: “Elang mafoko otlhe tlhoko a ke lo tlhagisang ka ona kajeno, a lo tshwanetseng go a laela bana ba lona gore ba tlhokomele go dirisa mafoko otlhe a molao o. Gonne ga se lefoko le le lolea mo go lona, mme ke lone botshelo jwa lona. Mme ka lefoko le lo tla leelefatsa malatsi mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya go tsena mo go lone go le rua.” Morena a ba a bua le Moše ka lone letsatsi leo a re: “Tlhatlogela mo dithabeng tsa Abarime tseno, e bong mo thabeng ya Nebo e e mo lefatsheng la Moabe ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerigo, o bone lefatshe la Kanana le ke tla le nayang Baiseraele go nna boswa; o swele gona mo thabeng e o tlhatlogelang mo go yona, o gorosiwe kwa morafeng wa gago, jaaka Arone mogoloo a ne a swela kwa thabeng ya Hore, a ba a gorosiwa kwa morafeng wa gagwe; ka go re, lo ntiretse ka boikanyologo mo gare ga Baiseraele kwa Metsing a Komano kwa Kateše sekakeng sa Tsine, ka lo se ka lwa intshepisa mo Baiseraeleng. Gonne o tla bona lefatshe le le fa pele ga gago, mme ga o kitla o tsena teng mo lefatsheng le ke tla le nayang Baiseraele.” Tshegofatso e Moše, monna wa Modimo o neng a tshegofatsa Baiseraele ka yona a ise a swe ke e: O buile a re: “Morena o ne a tswa kwa Sinai, a ba tlhabela a tswa kwa Seire, a phatsima a le kwa thabeng ya Pharane, a tswa kwa baitsheping ba le masome a dikete, a tsholetse Baiseraele molao o o molelo mo letsogong le le jang la gagwe. Ruri, o rata merafe, baitshepi botlhe ba gagwe ba mo seatleng sa gagwe; ba ba atamelang dinao tsa gagwe ba amogela sengwe sa dithuto tsa gagwe. Moše o re laetse molao, e le khumo ya phuthego ya Jakobe. Morena o ne a nna kgosi mo Ješurune, jale fa ditlhogo tsa morafe di kgobokana, fa ditso tsa Iseraele di le mmogo. A Rubene a tshele, a se swe; banna ba gagwe ba se nne bannye.” Ka ga Juta a re: “Morena, utlwa lentswe la ga Juta, o mo ise kwa morafeng wa gagwe o a neng a o lwela ka diatla tsa gagwe. O nne thuso ya gagwe mo babeng ba gagwe.” A ba a bua ka ga Lefi a re: “ ‘Tshiamo’ ya gago le ‘Lesedi’ la gago, ke tsa monna yo o go ineetseng, yo ò mo lekileng kwa Masa, wa lwa nae fa Metsing a Meriba. Ke yo o neng a bua ka ga rraagwe le mmaagwe a re: ‘Ga ke a ba bona,’ a sa re sepe ka bomorwa-rraagwe, a sa itse bana ba gagwe; gonne ba ne ba tlhokomela lefoko la gago, ba boloka kgolagano ya gago. Ba tla ruta Jakobe ditshiamelo tsa gago le Iseraele molao wa gago. Ba tla baya maswalo fa nkong ya gago le setlhabelo se se tletseng mo aletareng ya gago. Morena, tshegofatsa botswerere jwa gagwe, a tiro ya diatla tsa gagwe e go kgatlhe; o tšhwetlakanye matheka a ba ba mo tsogelang le a ba ba mo tlhoileng gore ba se tlhole ba tsoga.” A ba a bua ka ga Benyamene a re: “Ke moratwa wa Morena, o tla aga fa go ene a iketlile. Modimo o mo sireletsa ka metlha yotlhe, ka o agile mo gare ga dithaba tsa gagwe.” A ba a bua ka ga Josefa a re: “Lefatshe la gagwe le tshegofaditswe ke Morena ka dineo tse dintle tsa legodimo, ka monyo le ka metswedi e e anameng kwa tlase le ka dithobo tse dintle tsa letsatsi le ka maungo a mantle a dikgwedi le ka tse di gaisang tsa dithaba tsa bogologolo le ka tse dintle tsa meboto ya kgale le ka dineo tse dintle tsa lefatshe le ka tse di tletseng mo go lone le ka go ratwa ke yo o agileng mo setlhareng sa mitlwa: A di tle tsotlhe mo tlhogong ya ga Josefa le mo phogong ya kgosana ya bomorwa-rraagwe. Poo ya gagwe ya leitibolo e na le borena, dinaka tsa gagwe ke dinaka tsa nare; o tla tlhaba merafe ka tsona, yotlhe mmogo go ya mafelelong a lefatshe. Ke ona masome a dikete a ga Eferaime, ke tsona dikete tsa ga Manase.” A ba a bua ka ga Sebulone a re: “Wena Sebulone, itumelele go bolola ga gago ka dikepe, le wena Isašare, o itumelele ditente tsa gago. Ba tla biletsa merafe kwa thabeng, ba dira ditlhabelo tse di siameng; gonne ba tla anya letlotlo la mawatle le mahumo a a fitlhegileng a mošawa.” A ba a bua ka ga Gate a re: “A go tumisiwe Morena yo o katolosetsang Gate naga; o botha jaaka tau e namagadi; o tla garola letsogo le phogo. A itlhaolela kabelo ya ntlha, gonne teng go ne go bolokilwe kabelo ya molaodi; a tla le ditlhogo tsa morafe, a dirafatsa tshiamo ya Morena le dikatlholo tsa gagwe le Baiseraele.” A ba a bua ka ga Dane a re: “Dane ke ledumedi; o tla tlola, a tswa kwa Basane.” A ba a bua ka ga Nafetale a re: “Nafetale o kgotshe letlhogonolo, o tletse tshegofatso ya Morena. O tla rua letsha la Genesareta le naga ya borwa ya teng.” A ba a bua ka ga Asere a re: “Asere o tshegofaditswe go gaisa bana ba bangwe, a a ratwe ke bomorwa-rraagwe, a ine lonao lwa gagwe mo lookwaneng. Mephakarego ya gago e nne ya tshipi le kgotlho. A thata ya gago e lekane le malatsi a gago.” Ga go na ope yo o tshwanang le Modimo wa gago, Ješurune, o o palameng legodimo go go thusa le maru o le mogolo. Modimo o o sa khutleng ke boago, bo fa tlase ga mabogo a a sa khutleng; o ne wa leleka mmaba fa pele ga gago wa re: “Mo nyeletse!” Iseraele o tla aga a le mo tshireletsong, motswedi wa ga Jakobe o tla nna o le osi mo lefatsheng la mabele le matute a moweine; le gona legodimo la gagwe le tla rotha monyo. Iseraele, o wa letlhogonolo! Ke mang yo o tshwanang nao? O morafe o o pholosiwang ke Morena. Ke ene thebe e e go thusang le tšhaka e e go godisang. Baba ba gago ba tla go tlakisa, mme wena o tla gata dithota tsa bone. Jaanong Moše a tloga kwa mabaleng a Moabe, a tlhatlogela mo thabeng ya Nebo setlhoeng sa Phiseka e e lebaganyeng le Jerigo. Mme Morena a mmontsha lefatshe lotlhe la Gileate go ya kwa go la Dane le la Nafetale lotlhe le lefatshe la Eferaime le Manase le lefatshe lotlhe la Juta go ya lewatleng la bophirimatsatsi le naga ya borwa le molapo wa Joretane le lebala la Jerigo, motse wa mekolane, go ya kwa Soare. Morena a ba a mo raya a re: “Ke lone lefatshe le ke le ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe ka re: ‘Ke tla le naya losika lwa gago.’ Ke le go bontshitse gore o le bone ka matlho fela, mme ga o kitla o tshelela gona.” Mme Moše, motlhanka wa Morena, a swela teng kwa lefatsheng la Moabe ka fa lefokong la Morena. Morena a mo fitlha mo mogorogorong kwa lefatsheng la Moabe fa go lebaganyeng le Bethe-Pheore, mme go se na ope yo o itseng phupu ya gagwe go fitlha letsatsing leno. E rile Moše a swa, a bo a le dinyaga di le 120. Leitlho la gagwe le ne le sa koafala le thata ya gagwe e ne e sa ngotlege. Baiseraele ba lelela Moše mo mabaleng a Moabe malatsi a le 30; ya ba gona malatsi a go lelela le go hutsafalela Moše a felang. Mme Jošua, morwa Nune o ne a tletse mowa wa botlhale, gonne Moše o ne a mmeile diatla. Mme Baiseraele ba mo utlwa, ba dira jaaka Morena a laetse Moše. Mme ga se ka ga tlhola go tsoga moporofeti gape mo Iseraeleng yo o tshwanang le Moše yo Morena o neng a kopana nae ba lebagantse difatlhego; go se ope yo o tshwanang nae ntlheng ya ditshupo tsa mefutafuta le dikgakgamatso tse Morena o neng a mo roma gore a di dire kwa lefatsheng la Egepeto mo go Farao le mo batlhankeng botlhe ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la gagwe le ntlheng ya maipontsho otlhe a letsogo le le tiileng le ditiro tse dikgolo tsotlhe tse di boifisang tse Moše o neng a di dira mo matlhong a Baiseraele botlhe. Morago ga loso lwa ga Moše, motlhanka wa Morena, Morena a raya Jošua morwa Nune, modiredi wa ga Moše, a re: “Moše, motlhanka wa me o sule. Jaanong tloga o tshele noka e ya Joretane wena le morafe otlhe o, lo tsene mo lefatsheng le ke le nayang bone Baiseraele. Felo gongwe le gongwe kwa dipato tsa dinao tsa lona di tla gatang teng ke go lo neile jaaka ke boleletse Moše. Go tloga kwa sekakeng le kwa Lebanone go ya go fitlha kwa nokeng e kgolo, e bong ya Ferathe – lefatshe lotlhe la Bahethe – le go fitlha kwa lewatleng le legolo le le kwa bophirimatsatsi, e tla nna naga ya lona. Ga go na ope yo o tla kgonang go emelana nao ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. Ke tla nna nao jaaka ke ne ke na le Moše. Ga nkitla ke go nyemisa moko le e seng go go tlogela. Tia o nne pelokgale; gonne lefatshe le ke le ikanetseng borraabo go le ba naya, wena o tla le abela morafe o go nna boswa jwa ona. Fela o tie, o nne pelokgale thata go ela tlhoko gore o dire ka fa molaong otlhe o Moše, motlhanka wa me, a o go laetseng. Se o fapoge mo ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema gore tiro ya gago e tswelele pele sentle gongwe le gongwe kwa o tla yang teng. A lokwalo lo lwa molao lo se tloge mo molomong wa gago, o lo akanye bosigo le motshegare gore o ele tlhoko go dira tsotlhe ka fa di kwadilweng ka teng mo go lone; gonne foo o tla tlhogonolofala mo ditseleng tsa gago; foo o tla tswelela pele sentle. Kana ke go laetse ka re: Tia o nne pelokgale! Ka moo se rerege, o se kgobege marapo. Gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao gongwe le gongwe kwa o tla yang teng.” Jaanong Jošua a laola baokamedi ba morafe a re: “Ralalang bothibelelo, lo laele morafe lo re: ‘Ipaakanyetseng mefago, gonne lo tla tshela Joretane yo morago ga malatsi a le mararo gore lo tsene lo thope lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o le lo nayang gore e nne la lona.’ ” Gape Jošua a raya Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase a re: “Gakologelwang lefoko le Moše, motlhanka wa Morena, o le lo laetseng a re: ‘Morena, Modimo wa lona, o lo ikhutsisitse, a lo naya lefatshe le.’ A go sale basadi ba lona le bana ba lona le diruiwa tsa lona mo lefatsheng le Moše o le lo neileng ka kwano ga Joretane, mme lona lotlhe ba lo leng bagale ba mephato, tshelang lo etelele ba ga lona pele lo tshotse marumo, lo ba thuse, go fitlhelela Morena a be a ikhutsise bomorwa-rraeno jaaka lona, mme le bone ba be ba thopile lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o tla le ba nayang. Morago ga moo lo ka boela kwa lefatsheng le e leng la lona, lwa le rua, le Moše, motlhanka wa Morena, o le lo neileng ka kwano ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi.” Ba araba Jošua ba re: “Re tla dira tsotlhe tse o di re laelang; re tla ya gongwe le gongwe kwa o re romang teng. Re tla go utlwa mo dilong tsotlhe fela jaaka re utlwile Moše. Fela a Morena, Modimo wa gago, a nne nao jaaka a ne a na le Moše. Mongwe le mongwe yo o ganetsang se o se bolelang, a sa utlwe mafoko a gago mo go tsotlhe tse o di re laelang, a a bolawe! Fela tia, o nne pelokgale.” Jošua, morwa Nune, o na a romile banna ba le babedi ba batlhodi mo sephiring go tswa Sitime a re: “Yaang lo tlhole lefatshe le motse wa Jerigo.” Ba ya ba tsena mo ntlong ya mosadi wa seaka yo leina la gagwe e leng Rahabe, ba lala teng. Ke fa kgosi ya Jerigo e begelwa go twe: “Bona, banna ba letse ba tlile mono bosigo, ba tswa kwa Baiseraeleng go tlhola lefatshe le.” Mme kgosi ya Jerigo ya romela kwa go Rahabe ya re: “Ntsha banna ba ba tlileng koo go wena ba ba tsenyeng mo ntlong ya gago; gonne ba tlile go tlhola lefatshe lotlhe le.” Mme mosadi o ne a tsere banna ba babedi bao, a ba fitlhile; a ba a re: “Ka nnete banna bao ba ne ba tla fano go nna, mme ke ne ke sa itse kwa ba tswang teng. Jaanong ya re kgoro e tswalwa ka letlatlana, banna bao ba tswela kwa ntle. Ga ke itse gore ba ile kae. Fela akofang lo ba latele! Lo tla ba tshwara.” Mme ene o ne a ba tlhatloseditse kwa godimo ga ntlo, a ba fitlhile fa tlase ga ditlhaka tsa letseta tsa gagwe tse di tlhatlagantsweng mo godimo ga ntlo. Jaanong banna ba ba latela ka tsela e e yang kwa Joretane go fitlha kwa madibogong. Mme kgoro ya tswalwa balatedi ba bone ba sena go tswela kwa ntle. Mme ya re batlhodi ba ise ba robale, Rahabe a tlhatlogela kwa go bone mo godimo ga ntlo, a raya banna bao a re: “Ke a itse gore Morena o lo neile lefatshe le, le gore therego e re wetse ka lona le jaaka baagi botlhe ba lefatshe le ba nyemile moko, ba lo boifa. Gonne re utlwetse gore Morena o ne a kgadisa metsi a Lewatle la Motlhaka fa pele ga lona, jale fa lo tswa kwa Egepeto le se lo se diretseng dikgosi tse pedi tsa Baamori tse di neng di le kwa moseja ga Joretane, e bong Sihone le Oge, ba lo ba nyeleditseng ka taelo ya Modimo. Mme ya re re utlwa jalo, ra nyema moko, ga se ka ga tlhola go nna le bopelokgale mo go ope go ka lo lwantsha; gonne Morena, Modimo wa lona, ke Modimo kwa godimo mo legodimong le mono tlase mo lefatsheng. Jaanong e re ka ke lo diretse ka bopelotlhomogi, a lo ko lo inkanele gore le lona lo tla direla lelapa la ga rre ka bopelotlhomogi; le gona lo nneele sesupo se se ikanyegang sa gore lo tla lesa rre le mme le bokgaitsadiake le bomorwadia-rre le ba ga gabo botlhe go phela, lo pholosa maphelo a rona mo losong.” Banna bao ba mo raya ba re: “Rona re tla lo emela go ya losong, fa lo sa utlwatse tiro e ya rona. E be e re Morena a re naya lefatshe le, re go direle ka bopelotlhomogi le ka boikanyo.” Ya baa gona a ba folosang ka thapo, ba tswa ka fenstere; gonne ntlo ya gagwe e ne e tshwaraganye le lobota lwa motse, a agile fa loboteng. A ba raya a re: “Yaang kwa dithabeng, e se re gongwe ba ba ileng go lo batla ba kgatlhana le lona, lo be lo iphitlhe teng malatsi a le mararo go tsamaya balatedi ba lona ba be ba boe. Morago ga moo lo ka wela mo tseleng ya lona.” Mme banna bao ba mo raya ba re: “Re tla bo re bofologile maikanong a gago a o a re ikanisitseng, fa o sa dire jaana: Bona, e re re tla mo lefatsheng le, o gokelele thapo e ya ditlhale tse dikhibidu mo fenstereng e o re folositseng ka yona, o phuthele rraago le mmaago le bokgaitsadio le botlhe ba lapa la ga rraago kwano go wena mo ntlong e. Jaanong mongwe le mongwe yo o tla tswelang kwa ntle, a tswa mo mojakong wa ntlo ya gago, fa a bolawa, e tla nna molato wa gagwe, rona re se na molato; fela mongwe le mongwe yo o tla bong a na nao mo ntlong e, fa a ka tshwarwa ka letsogo, a bolawa, e tla nna molato wa rona. Mme fa o ka utlwatsa tiro e ya rona, re tla bo re bofologile maikanong a gago a o a re ikanisitseng.” Ke fa mosadi a re: “A go nne jalo ka fa lo buileng ka teng!” A ba a ba naya tsela, ba tsamaya. Jaanong a gokelela thapo e khibidu mo fenstereng. Mme bone ba ya ba fitlha kwa dithabeng, ba tlhola teng malatsi a le mararo go tsamaya balatedi ba be ba boa. Balatedi ba ne ba ba batlile mo tseleng yotlhe, mme ba se ka ba ba bona. Jaanong banna ba babedi bao ba boa, ba fologa mo dithabeng, ba tshela noka ba fitlha kwa go Jošua morwa Nune, ba mmolelela tsotlhe tse di ba dirafaletseng. Ba raya Jošua ba re: “Ruri, Morena o neetse lefatshe lotlhe mo diatleng tsa rona; le gona baagi botlhe ba lefatshe leo ba nyemile moko ba a re tshaba.” Ya re ka moso Jošua a phakela, ene le Baiseraele botlhe, ba tloga kwa Sitime ba fitlha fa Joretane, ba lala gona ba ise ba tshele. Ya re malatsi a le mararo ale a se na go feta, balaodi ba ralala bothibelelo, ba laola morafe ba re: “E re lo bona Letlole la Kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, le sikerwe ke baperesiti ba Balefi, le lona lo bolole mafelong a lona, lo le sale morago. Fela a go nne sebaka fa gare ga lona le lone, e ka nna selekanyo sa mabogo a le kete tse pedi. Lo se ka lwa le atamela gore lo tle lo itse tsela e lo tla tsamayang ka yona; gonne ga lo ise lo ke lo sepele mo tseleng e ka gope.” Mme Jošua a raya morafe a re: “Iitshepiseng, gonne kamoso Morena o tla dira dikgakgamatso mo gare ga lona.” Jošua a ba a raya baperesiti a re: “Sikarang Letlole la Kgolagano, lo etelele morafe pele.” Ba le sikara, ba etelela morafe pele. Mme Morena a raya Jošua a re: “Ka letsatsi la kajeno ke tla simolola go go dira mogolo mo matlhong a Baiseraele botlhe, ba tle ba lemoge gore ke na nao jaaka ke ne ke na le Moše. Mme jaanong o laele baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano o re: ‘E re fa lo tsena mo metsing fa thoko ga Joretane, lo eme mo go ona.’ ” Ke fa Jošua a raya Baiseraele a re: “Atamelang kwano lo utlwe mafoko a Morena, Modimo wa lona.” Jošua a ba a re: “Se lo tla lemogang ka sona gore Modimo o o phelang o mo gare ga lona le gore ruri o tla leleka Bakanana le Bahethe le Bahewi le Baferesi le Bagiregasi le Baamori le Bajebusi fa pele ga lona, ke se: Lo tla bona Letlole la Kgolagano ya Morena wa lefatshe lotlhe le tshela, le lo etelela pele mo Joretane. Jaanong itlhaoleleng banna ba le some pedi mo ditsong tsa Iseraele, lotso longwe le longwe lo ntshe a le mongwe. Mme e tla re dipato tsa dinao tsa baperesiti ba ba sikereng Letlole la Morena, la Morena wa lefatshe lotlhe, di gata mo metsing a Joretane, metsi a Joretane a kgaolwe. Metsi a Joretane a a tswang kwa godimo a tla ema jaaka lobota lo le longwe.” Jaanong morafe wa tloga mo ditenteng tsa ona go tshela Joretane, baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano ba ntse ba eteletse morafe pele. Joretane o ne a tlaletse ruri go penologela mo dintshing ka malatsi aotlhe a thobo. Ya re baperesiti ba ba sikereng Letlole ba fitlha fa Joretane, mme dinao tsa bone di ikina mo metsing a a fa losing, metsi a a fologang kwa godimo a ema, a gogomoga, a nna mokoa o le mongwe kgakala thata kwa motseng wa Atame o o bapileng le wa Sarethane; mme metsi a a fologelang kwa Lewatleng la Sekaka kwa Lewatleng la Letswai a fela, a kgaogela ruri. Jaanong morafe wa tshela o lebaganye le Jerigo. Jaanong baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano ya Morena ba bo ba eme fa go omileng fa gare ga Joretane, Baiseraele botlhe ba ntse ba tshela fa go omileng, ga tsamaya setšhaba sotlhe sa fetsa go tshela Joretane. E rile setšhaba sotlhe se sena go tshela Joretane, Morena a raya Jošua a re: “Itlhaoleleng banna ba le some pedi mo morafeng, lotso longwe le longwe lo ntshe a le mongwe. Lo ba laele lo re: ‘Ntshang mafika a le some pedi mo gare ga Joretane fa dinao tsa baperesiti di neng di eme teng di tsepame, lo tshele lo a tshotse, lo a bee kwa marobalong kwa lo tla lalang teng bosigo jono.’ ” Jaanong Jošua a bitsa banna ba ba some pedi bao ba a neng a ba naya tiro ba tswa mo Baiseraeleng, lotso longwe le longwe lo ntshitse a le mongwe. Jošua a ba laela a re: “Tshelang lo etelele Letlole la Morena, Modimo wa lona, pele, lo tsene kwa gare ga Joretane, mme a mongwe le mongwe wa lona a tsee lefika, a le sikare legetleng ka fa palong ya ditso tsa Iseraele gore selo se e nne sesupo mo go lona: E tle e re bana ba lona ba lo botsa mo metlheng e e tlang ba re: ‘Mafika ao a kaya eng mo go lona?’ foo lo ba ree lo re: ‘E rile Letlole la Kgolagano ya Morena le tshela Joretane, metsi a Joretane a kgaoga fa pele ga lone, mme mafika ao ke segopotso sa teng mo Baiseraeleng ka bosakhutleng.’ ” Baiseraele ba dira jalo jaaka Jošua a laotse, ba tsaya mafika a le some pedi, ba a ntsha mo gare ga Joretane jaaka Morena a laetse Jošua ka fa palong ya ditso tsa Baiseraele, ba tshela ba a tshotse, ba a isa kwa marobalong, ba a baya teng. Le gona Jošua a tlhoma mafika a le some pedi fa gare ga Joretane, fa dinao tsa baperesiti ba ba neng ba sikere Letlole la Kgolagano di neng di eme gona. A sa le teng le kajeno. Mme baperesiti ba ba neng ba sikere Letlole ba ne ba ntse ba eme fa gare ga Joretane ga tsamaya ga fediwa tsotlhe tse Morena o di laetseng Jošua go di bolelela morafe, e bong tsotlhe tse Moše o di laetseng Jošua. Morafe wa itlhaganela, wa tshela. Jaanong ya re morafe otlhe o sena go tshela, Letlole la Morena le lone la tshela le tshotswe ke baperesiti mo matlhong a morafe. Mme Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba tshela, ba etelela Baiseraele pele ba tshotse marumo jaaka Moše a ba laetse. Ba fetela pele fa pele ga Morena go ya tlhabanong kwa nageng ya Jerigo, e ka nna banna ba mephato ba ba tshotseng marumo ba le 40 000. Ka letsatsi leo Morena a godisa Jošua mo matlhong a Baiseraele botlhe, mme ba mmoifa ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe jaaka ba ne ba boifa Moše. Morena o ne a reile Jošua a re: “Laela baperesiti ba ba sikereng Letlole la Tshupo gore ba tlhatloge ba tswe mo Joretane.” Ke fa Jošua a laela baperesiti a re: “Tlhatlogang lo tswe mo Joretane!” Mme ya re baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano ya Morena ba tlhatloga ba tswa mo Joretane, mme dipato tsa dinao tsa baperesiti di sena go gata lefatshe le le omileng, metsi a Joretane a ba a boela mo felong ga ona, a ela jaaka pele, a penologela mo dintshing tsotlhe. Morafe o ne wa tlhatloga mo Joretane ka kgwedi ya ntlha e le some; jaanong ba thibelela kwa Gilegala fa molelwaneng wa botlhabatsatsi wa Jerigo. Mme mafika a a some pedi ale a ba a ntshitseng mo Joretane Jošua a a tlhoma kwa Gilegala. A raya Baiseraele a re: “E re fa bana ba lona ba botsa borraabo mo metlheng e e tlang ba re: ‘Mafika ao a kaya eng?’ foo lo itsise bana ba lona lo re: ‘Baiseraele ba ne ba tshela Joretane yo a omisitswe. Gonne Morena, Modimo wa lona, o ne a kgadisa metsi a Joretane fa pele ga lona ga tsamaya lwa tshela fela jaaka Morena, Modimo wa lona, a kile a direla Lewatle la Motlhaka le o neng a le kgadisa fa pele ga rona ga tsamaya ra tshela. E ne e le gore merafe yotlhe ya lefatshe e tle e lemoge letsogo la Morena, fa e le le le thata, mme e boife Morena, Modimo wa lona, ka malatsi otlhe.’ ” E rile dikgosi tsotlhe tsa Baamori tse di neng di le ka kwano ga Joretane mo ntlheng ya bophirimatsatsi le dikgosi tsotlhe tsa Bakanana tse di neng di le fa lewatleng di utlwa ka fa Morena a kgadisitseng metsi a Joretane ka teng fa pele ga Baiseraele ga tsamaya ba tshela, tsa kgobega marapo, ga se ka ga tlhola go nna bopelokgale mo go tsona fa pele ga Baiseraele. Ka sebaka seo Morena a laela Jošua a re: “Itirele dithipa tsa matlapa, o rupise Baiseraele.” Ke fa Jošua a itirela dithipa tsa matlapa, a rupisa Baiseraele kwa thabeng ya Aralothe. Jošua o ba rupisitse ka ntlha ya go re morafe otlhe o o neng o hudugile kwa Egepeto, e bong banna botlhe ba mephato ba ne ba swetse mo sekakeng ba le mo tseleng ya go huduga kwa Egepeto. Gonne batho botlhe ba ba hudugileng ba ne ba rupile; fela batho botlhe ba ba tsaletsweng mo tseleng go sena go duwa kwa Egepeto ba ne ba sa rupa. Gonne Baiseraele ba ne ba sepela dinyaga di le 40 mo sekakeng ga tsamaya setšhaba sotlhe sa banna ba batlhabani ba ba hudugileng kwa Egepeto sa nyelediwa, ka ba se ka ba utlwa lentswe la Morena. Ke bone ba Morena o neng a ba ikanela a re, ga a kitla a ba abela lefatshe le Morena o neng a le solofeditse borraabo ka maikano a re: “O tla le re naya, e bong lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.” Bomorwa-bone ba ba neng ba godile mo boemong jwa borraabo ke bone ba Jošua o neng a ba rupisa; gonne ba ne ba ise ba rupe, ka go ne go se na thupiso mo tseleng. Jaanong ya re setšhaba sotlhe se sena go rupisiwa, ba nna fela mo mannong a bone mo bothibelelong go fitlhelela ba fola. Ke fa Morena a raya Jošua a re: “Kajeno ke pitikile kgobo ya Baegepeto, ka e tlosa mo go lona.” Ke ka moo felo foo go bidiwang ka leina la Gilegala go fitlha letsatsing la kajeno. E rile Baiseraele ba ntse ba thibeletse kwa Gilegala mo nageng ya Jerigo, ba ja Moletlo wa Tlolaganyo ka letsatsi la 14 la kgwedi go le mantsiboa. Go tloga ka letsatsi le le latelang la Tlolaganyo ba ja tse di robilweng mo lefatsheng le, e bong dinkgwe tse di sa bedisiwang le dipabe tsa mabele, e le ka lone letsatsi leo. Ka letsatsi la ka moso Mmana wa khutla, ka jaanong Baiseraele ba ja tsa thobo ya lefatshe le. Go tsweng foo ga ba a ka ba tlhola ba nna le Mmana, mme ba ja tse di rojwang mo lefatsheng la Kanana ka ngwaga oo. E kile ya re Jošua a ntse a le gaufi le Jerigo, a tsholetsa matlho, a leba, a bona monna a eme fa pele ga gagwe, a tshotse tšhaka a e somotse. Jošua a ya kwa go ene, a mmotsa a re: “A o wa rona kampo a o wa baba ba rona?” A araba a re: “Nnyaya! Ke nna molaodi wa mephato ya Morena. Ke gona ke tlang.” Ke fa Jošua a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba a mmotsa a re: “Morena wa me o laela motlhanka wa gagwe a reng?” Molaodi wa mephato ya Morena a raya Jošua a re: “Rola ditlhako tsa gago mo dinaong tsa gago; gonne felo fa o emeng teng go boitshepo.” Jošua a dira jalo. Dikgoro tsa Jerigo di ne di tswetswe ka ntlha ya Baiseraele, go se na yo o tswang le e seng yo o tsenang. Mme Morena a raya Jošua a re: “Bona, ke neetse Jerigo mo diatleng tsa gago le kgosi ya gagwe le bagale ba mephato. Dikologang motse o, e bong banna botlhe ba batlhabani, lo o potologe gangwe ka letsatsi; lo dire jalo ka malatsi a marataro. Gape a baperesiti ba supa ba etele Letlole pele ba tshotse dinaka tse supa tsa diphelehu, mme ka letsatsi la bosupa lo dikologe motse o gasupa, mme baperesiti ba letse dinaka. Jaanong e re go lediwa lonaka lwa phelehu ka boleele, fa lo utlwa lonaka lo lela, a morafe otlhe o thele lešalaba, foo lobota lwa motse lo tla wela fa lo leng teng, mme banna ba lona ba tla o tlola, mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae.” Ke fa Jošua, morwa Nune a bitsa baperesiti, a ba raya a re: “Sikarang Letlole la Kgolagano, mme a baperesiti ba supa ba tsee dinaka tse supa tsa diphelehu, ba etelele Letlole la Morena pele.” A ba a raya morafe a re: “Nanogang lo dikologe motse o, mme ba ba tshotseng marumo a ba etelele Letlole la Morena pele.” Ya re Jošua a sena go laela morafe jalo baperesiti ba supa ba ba tshotseng dinaka tse supa tsa diphelehu fa pele ga Morena, ba nanoga ba letsa dinaka; Letlole la Kgolagano ya Morena la ba sala morago. Ba ba neng ba tshotse marumo ba etelela baperesiti ba ba letsang dinaka pele; ba bangwe ba latela Letlole go ntse go lediwa dinaka. Jošua a laela morafe a re: “Se openg mokgosi le e seng go utlwatsa mantswe a lona; a go se ka ga tswa lefoko mo melomong ya lona go ya letsatsing le ke tla lo rayang ka lone ke re: ‘Thelang lešalaba!’ Foo lo thele lešalaba.” Jošua a dikolosa Letlole la Morena jalo gangwe fela mo tikologong ya motse; morago ga moo ba boela kwa bothibelelong, ba lala teng. Jošua a ba a phakela mo mosong; baperesiti ba sikara Letlole la Morena; baperesiti ba supa ba ba tshotseng dinaka tse supa tsa diphelehu ba etelela Letlole la Morena pele ba ntse ba letsa dinaka; ba ba tshotseng marumo ba ba eteletse pele, ba bangwe ba sala Letlole la Morena morago go ntse go lediwa dinaka. Ba dikologa motse jalo ka letsatsi la bobedi gangwe fela, ba be ba boela kwa bothibelelong. Ba dira jalo ka malatsi a marataro. Mme ka letsatsi la bosupa ba phakela, fa mahube a tswa, ba dikologa motse ka mokgwa oo gasupa. Ke letsatsi leo fela le ba dikologileng motse gasupa ka lone. Mme ya re ba o dikologa lwa bosupa, baperesiti ba letsa dinaka; ke fa Jošua a raya morafe a re: “Thelang lešalaba! Gonne Morena o lo neetse motse o. Mme a motse o le tsotlhe tse di mo go ona di neelwe Morena ka go bolawa le go fisiwa; go phele Rahabe wa seaka fela, ene le botlhe ba ba nang nae mo ntlong; gonne ene o ne a fitlha barongwi ba re neng re ba romile. Fela lo itise mo go tse di neetsweng Morena jalo, e se ka ya re fa lo dirafatsa khutso, lwa tsaya dingwe tsa tse di hutsitsweng, lwa tloga lwa tsenya bothibelelo jwa Baiseraele mo khutsong, lwa bo isa mo tatlhegong. Mme selefera yotlhe le gouta le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi ke tse di boitshepo tsa Morena; a di tsene mo lehumong la Morena.” Ke fa batho ba thela lešalaba, ba letsa dinaka; ya re batho ba utlwa lonaka lo lela, batho ba thela lešalaba le legolo; ke fa lobota lo wela fa lo leng teng, mme batho ba tlolela mo motseng mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae. Ba thopa motse jalo. Ba dirafatsa khutso ya Modimo mo go tsotlhe tse di neng di le mo motseng. Ba bolaya banna le basadi, ba bašwa le batsofe le dikgomo le difutshane le diesele ka bogale jwa tšhaka. Mme Jošua a raya banna ba babedi ba ba neng ba ile go tlhola lefatshe a re: “Tsenang mo ntlong ya mosadi yole wa seaka, lo ntshe teng mosadi yoo le botlhe ba e leng ba ga gabo jaaka lo mo ikanetse.” Ke fa makau a e neng e le batlhodi a tsena, a ntsha Rahabe le rraagwe le mmaagwe le bokgaitsadie le ba ga gabo botlhe; a ba baya ka fa ntle ga bothibelelo jwa Baiseraele. Jaanong ba fisa motse ka molelo le tsotlhe tse di mo go ona; fela selefera le gouta le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi ba di tsenya mo lehumong la Tempelana ya Morena. Mme Jošua a phedisa Rahabe wa seaka le ba lelapa la ga rraagwe le ba ga gabo botlhe; ba nna mo gare ga Baiseraele go fitlha letsatsing la kajeno, ka a ne a fitlha barongwi ba Jošua o neng a ba romile go tlhola Jerigo. Ka sebaka seo Jošua o ne a ikanisa Baiseraele a re: “A go hutsiwe monna fa pele ga Morena yo o ka tlogang, a aga motse o wa Jerigo gape; fa a o thaya, o tla swelwa ke morwawe yo mogolo; fa a tsenya dikgoro tsa ona, o tla swelwa ke morwawe yo mmotlana.” Morena o ne a na le Jošua, mme a tuma mo lefatsheng lotlhe. Mme Baiseraele ba utswa tse di hutsitsweng: Agane morwa Karemi, morwa Sabedi, morwa Sera wa lotso lwa Juta, a tsaya dingwe tsa tse di hutsitsweng. Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Baiseraele. E rile ba le kwa Jerigo, Jošua a roma banna kwa Ai. Ke motse o o bapileng le Bethawene o o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a ba laela a re: “Bololang lo tlhole lefatshe!” Banna bao ba bolola, ba ya go tlhola Ai. Ya re ba sena go boela kwa go Jošua ba mo raya ba re: “A go se ka ga bolola batho botlhe, a go bolole banna ba e ka nnang ba dikete di le pedi gongwe di le tharo; ba tla fenya Ai. Se lapise batho botlhe ka go ba isa teng gonne ba Ai ke setlhophanyana fela.” Banna ba e ka nnang kete tse tharo ba bolola jalo, ba ya teng, mme ba feta ba tshaba banna ba Ai. Banna ba Ai ba bolaya banna ba e ka nnang ba le 36 ba bone, ba ba leleka ka kwa ntle ga kgoro go ya kwa meepong ya mafika, ba ba bolaya mo mokgokoloseng wa thaba. Ke fa batho ba nyema moko, dipelo tsa nna jaaka metsi. Mme Jošua a ikgagola diaparo, a wela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga Letlole la Morena go ya mantsiboeng, ene le bagolo ba Iseraele, ba itshela lerole mo ditlhogong. Jošua a rapela a re: “Ao, Morena Modimo! Ke ka ntlha ya eng fa o tshedisitse morafe o noka ya Joretane go re neela mo diatleng tsa Baamori gore ba re nyeletse? Ao, re ka bo re itumeletse go nna kwa moseja ga Joretane! Ka thapelo, Morena, ke tla reng, ka Baiseraele ba tshabile baba ba bone? Kana Bakanana le baagi botlhe ba lefatshe le ba tla utlwa; mme ba tla tla go re dikanyetsa, ba fedisa leina la rona mo lefatsheng. Foo o tla direla leina le legolo la gago eng?” Mme Morena a raya Jošua a re: “Tsoga! O weletseng fa fatshe ka sefatlhego? Baiseraele ba leofile. Le gona ba tlodile kgolagano ya me e ke e ba laetseng ka go tsaya tse dingwe tse di hutsitsweng; ba utswile, ba bile ba di lobile, ba di fitlha mo dilong tsa bone. Baiseraele ba tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba bone. Ba tla tshaba baba ba bone, gonne ba hutsegile. Ga nkitla ke tlhola ke nna le lona, fa lo sa tlose tse di hutsitsweng mo go lona. Tsoga o itshepise morafe, o o ree o re: ‘Ipaakanyetseng kamoso lo nne boitshepo, gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Go na le tse di hutsitsweng mo gare ga lona, Baiseraele; lo tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba lona go fitlhelela lo be lo tlose tse di hutsitsweng mo go lona. E re mo mosong lo atamele ka fa ditsong tsa lona, mme a lotso lo Morena o tla lo supang ka tengwa lo atamele ka fa ditshikeng, mme a losika lo Morena o tla lo supang lo atamele ka fa malapeng, mme a lelapa le Morena o tla le supang le atamele ka banna. Mme a ene yo o fitlhelwang a na le tse di hutsitsweng a fisiwe ka molelo, ene le tsotlhe tse o nang natso; gonne o tlodile kgolagano ya Morena, a dira boleo jo bogolo mo go Iseraele.’ ” Jaanong Jošua a phakela mo mosong, a atametsa Baiseraele ka fa ditsong tsa bone; ga supiwa lotso lwa Juta. Ya re a atametsa ditshika tsa Juta, tengwa ya supa losika lwa ga Sera; ya re a atametsa losika lwa ga Sera ka tatelano ya banna, ga supiwa lelapa la ga Sabedi. Ya re a atametsa lelapa la gagwe ka tatelano ya banna, ga supiwa Agane morwa Karemi, morwa Sabedi, morwa Sera, wa lotso lwa Juta. Ke fa Jošua a raya Agane a re: “Morwaaka, a ko o nee Morena, Modimo wa Iseraele, tlotlo, o mo nee pako; a ko o mpolelele se o se dirileng; o se ka wa se ntobela.” Agane a araba Jošua a re: “Ka nnete, ke leofetse Morena, Modimo wa Iseraele; ke dirile jaana le jaana: Mo thopong ka bona kobo e ntle e le nngwe ya kwa Sineare le dišekele di le 200 tsa selefera le lekwete la gouta; bokete jwa lone e le dišekele di le 50; ka di eletsa, ka di tsaya. Bona, di epetswe fa fatshe mo gare ga tente ya me. Selefera e ka fa tlase.” Ke fa Jošua a roma barongwi, ba sianela kwa tenteng ya gagwe, ba fitlhela di epetswe mo tenteng ya gagwe, selefera e le ka fa tlase. Ba di tsaya, ba di ntsha mo tenteng, ba di isa kwa go Jošua le kwa Baiseraeleng botlhe, ba di baya fa pele ga Morena. Ke fa Jošua le Baiseraele botlhe ba ba nang nae ba tsaya Agane morwa Sera le selefera le kobo le lekwete la gouta le bomorwawe le bomorwadie le dikgomo tsa gagwe le diesele tsa gagwe le dinku tsa gagwe le tente ya gagwe le tsotlhe tse a nang natso, ba di isa nae kwa molapong wa Agore. Mme Jošua a re: “Ke go reng, fa o re isitse mo tatlhegong? Ka moo Morena o tla go isa mo tatlhegong kajeno.” Ke fa Baiseraele botlhe ba mo konopa ka majwe, ba ba fisa ka molelo, ba ba kgobotletsa ka majwe. Ba kgobokanya mokoa o mogolo wa majwe mo godimo ga gagwe o o sa ntseng o le teng kajeno. Ke fa Morena a rebega mo bogaleng jo bo tukang jwa gagwe. Ke ka moo leina la felo foo e leng Molapo wa Agore go fitlha letsatsing la kajeno. Morago ga moo Morena a raya Jošua a re: “Se boife o se tshoge! Tsaya banna botlhe ba batlhabani, ba ye nao; o tloge o ye kwa Ai. Bona, ke neetse kgosi ya Ai mo diatleng tsa gago le morafe wa yona le motse wa yona le naga ya yona. O direle Ai le kgosi ya teng jaaka o diretse Jerigo le kgosi ya teng. Fela thopo ya teng le diruiwa tsa teng lo ka di ithopela. Beela motse balaledi mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya ona.” Jošua a bolola jalo le banna botlhe ba batlhabani go ya kwa Ai; Jošua a ba a tlhaola banna ba le 30 000 ba bagale ba mephato, a ba roma bosigo, a ba laela a re: “Bonang, lona lo lalele motse mo ntlheng ya bophirimatsatsi. Se katogeng motse thata, lo nne lo o iketleeleditse lotlhe. Mme nna le banna botlhe ba ba nang le nna re tla atamela motse. Jaanong e tla re ba bolola go re kgatlhantsha jaaka ga ntlha, re tshabe fa pele ga bone. Ba tla tswa ba re tebela go tsamaya re be re ba katoganye le motse. Gonne ba tla re, rona re a ba tshaba jaaka maloba. Mme e re re ba tshaba, lona lo tloge lo tswe mo talelong, lo be lo thope motse. Morena, Modimo wa lona, o tla o neela mo diatleng tsa lona. Mme e re lo sena go thopa motse, lo o tshube ka molelo. Dirang ka fa lefokong la Morena! Bonang, ke lo laotse jalo.” Jošua a ba roma jalo, ba ya kwa talelong, ba nna fa gare ga Bethele le Ai mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya Ai. Jošua a lala mo gare ga banna bosigo joo. Ya re mo mosong Jošua a phakela a bolotsa banna, a ba etelela pele go ya kwa Ai, ene le bagolo ba Iseraele. Ga ya banna botlhe ba batlhabani ba ba nang nae, ba atamela, ba fitlha ka fa ntle ga motse, ba thibelela mo ntlheng ya bokone ya Ai, go le molapo fela fa gare ga bone le Ai. Mme o ne a beile banna ba ba ka nnang 5 000 mo talelong fa gare ga Bethele le Ai mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya motse. Jaanong ba rulaganya morafe, e bong bothibelelo jotlhe jo bo mo ntlheng ya bokone ya motse le balaledi ba ona mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya motse. Jošua a ya kwa molapong bosigo joo. Ya re kgosi ya Ai e lemoga jalo, banna ba motse ba itlhaganela, ba phakela, ba bolola go kgatlhantsha Baiseraele go lwa nabo, e le yona le morafe otlhe wa yona gore ba thulane fa thoko ga lebala la Joretane. Mme ya bo e sa itse gore a go na le ba ba ba laletseng ka kwa morago ga motse. Mme Jošua le Baiseraele botlhe ba ipaya jaaka e kete ba fenngwa ke bone, ba tshabela kwa sekakeng. Ke fa banna botlhe ba ba mo motseng ba kuiwa gore ba ba latele; mme ya re ba ntse ba latela Jošua, ba katoga motse. Ga se ka ga sala monna ope mo Ai le Bethele yo o sa bololang go latela Baiseraele. Ba tlogela motse jalo o atlhame, ba latela Baiseraele. Ke fa Morena a raya Jošua a re: “Otlololela lerumo le o le tshotseng ka letsogo kwa Ai, gonne ke tla mo tsenya mo seatleng sa gago.” Ya re Jošua a otlololela lerumo le a le tshotseng kwa Ai, balaledi ba tloga mo felong ga bone ka pele, ba siana, fa a otlolola letsogo ba tsena mo motseng, ba o thopa, ba akofa ba o tshuba ka molelo. Ya re banna ba Ai ba gadima, ba fitlhela motse o thunya musi, o tlhatlogela kwa legodimong, mme ba se na kwa ba ka tshabelang teng; gonne banna ba ba neng ba tshabela kwa sekakeng ba retologile ba tlhabana le balatedi. Gonne e rile Jošua le Baiseraele botlhe ba bona balaledi ba thopile motse le musi wa motse o kua, ba menoga ba bolaya banna ba Ai. Le balaledi bale ba tswa mo motseng go ba kgatlhantsha, ba tsenya ba Ai fa gare. Baiseraele bangwe ba tswa kwa pele, ba bangwe ba tswa kwa morago, ba ba bolaya go tsamaya go sa sadisiwe mophologi ope le e seng mofalodi ope wa bone. Ba tshwara kgosi ya Ai e ntse e phela, ba e isa kwa go Jošua. Jaanong ya re Baiseraele ba sena go fetsa go bolaya baagi botlhe ba Ai mo nageng le mo sekakeng, kwa ba neng ba ba latetse teng, fa ba sena go bolawa botlhe ka bogale jwa tšhaka ga tsamaya ba felelela, Baiseraele botlhe ba boela kwa Ai, ba mmolaya ka bogale jwa tšhaka. Botlhe ba ba bolailweng ka letsatsi leo, banna le basadi mmogo e ne e le ba le 12 000, e le batho botlhe ba Ai. Mme Jošua a se ka a busa letsogo le a neng a le otlolotse le tshotse lerumo ga tsamaya a dirafatsa khutso ya Modimo mo baaging botlhe ba Ai. Fela diruiwa le thopo ya motse Baiseraele ba di ithopela ka fa lefokong la Morena le a le laetseng Jošua. Jaanong Jošua a fisa motse wa Ai, a o fetola thotana ya marope ya ka metlha; e sa le teng le kajeno. Kgosi ya Ai a e kaletsa mo setlhareng go ya nakong ya mantsiboa. Mme ya re letsatsi le phirima ba pagolola setoto sa yona mo setlhareng ka taelo ya ga Jošua, ba se latlhela kwa kgorong ya motse, ba kgobokanya mokoa o mogolo wa majwe mo godimo ga sona o o sa leng teng le kajeno. Ka sebaka sele Jošua a agela Morena, Modimo wa Iseraele, aletare mo thabeng ya Ebale, jaaka Moše, motlhanka wa Morena a laetse Baiseraele, ka mo go kwadilweng ka teng mo lokwalong lwa molao lwa ga Moše, e bong aletare ya mafika a a sa betlwang, a a sa angwang ke tshipi. Jaanong ba direla Morena ditlhabelo tsa phiso mo go yona, ba tlhaba ditlhabelo tsa tebogo. Gona foo Jošua a kwala lokwalo lwa bobedi lwa molao wa ga Moše mo mafikeng fa pele ga Baiseraele o Moše o neng a o kwadile. Jaanong Baiseraele botlhe le bagolo ba bone le balaodi ba bone le baatlhodi ba bone ba bo ba eme mo ntlheng tse pedi tsa Letlole, ba lebaganye le baperesiti ba Balefi ba ba sikereng Letlole la Kgolagano ya Morena, e le baeng le ba ba tsaletsweng mo gae; bontlhanngwe jwa bone ba eme fa thabeng ya Gerisime, bontlhanngwe jo bongwe jwa bone fa thabeng ya Ebale, jaaka Moše, motlhanka wa Morena, a laotse pele go tshegofatsa morafe wa Iseraele jalo. Morago ga moo a buisa mafoko aotlhe a molao a tshegofatso le a khutso, jaaka a kwadilwe otlhe mo lokwalong lwa molao. Ga bo go se na lefoko lepe la tsotlhe tse Moše o di laotseng le Jošua a se kang a le buisa fa pele ga phuthego yotlhe ya Iseraele le basadi le bana le baeng ba ba sepetseng nabo. Dikgosi tsotlhe tse di neng di le mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya Joretane mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase le ka fa losing lotlhe lwa lewatle le legolo go ya go fitlha kwa Lebanone, e bong tsa Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi di ne tsa utlwa dilo tseo. Jaanong tsa ikopanya mmogo jaaka monna a le mongwe go tlhabana le Jošua le Baiseraele. Mme e rile baagi ba Gibeone ba sena go utlwela tse Jošua a di diretseng Jerigo le Ai, le bone ba loga maano, ba itshwantshanya le baeti, ba tsaya dikgetse tse di onetseng, ba di belesa diesele tsa bone, le makuka a weine a a onetseng a a gagogileng a a dibatabata. Le gona ba rwala masutlha a ditlhako a mamilwe mo dinaong, ba apara diaparo tse di onetseng. Dijo tsotlhe tsa mfago wa bone di ne di omeletse, di fafarega. Ba tla kwa go Jošua kwa bothibelelong jwa kwa Gilegala, ba raya ene le banna ba Iseraele ba re: “Re tswa kwa lefatsheng le le kgakala. Jaanong a ko lo dire kgolagano le rona.” Mme banna ba Iseraele ba raya Bahewi bao ba re: “Ka gongwe lo ntse lo agile mo gare ga rona. Re ka dira jang kgolagano le lona?” Jaanong ba raya Jošua ba re: “Rona re batlhanka ba gago.” Mme Jošua a ba botsa a re: “Lo bomang? Lo tswa kae?” Ba mo araba ba re: “Batlhanka ba gago ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala thata ka ntlha ya leina la Morena, Modimo wa gago. Gonne re utlwile tumedi ya gagwe le tsotlhe tse o di dirileng kwa Egepeto le tsotlhe tse o di diretseng dikgosi tse pedi tsa Baamori, tse di neng di le kwa moseja ga Joretane, e bong Sihone, kgosi ya Hešebone le Oge, kgosi ya Basane yo o neng a le kwa Ašetharothe. Ke fa bagolo ba rona le baagi botlhe ba lefatshe la rona ba re laela ba re: ‘Itseeleng mefago ya leeto, lo ye go ba kgatlhantsha, lo ba ree lo re: Rona re batlhanka ba lona. Jaanong he dirang kgolagano le rona.’ Dinkgwe tsa rona ke tse; ka letsatsi le re bolotseng ka lone go tla kwano go lona tsa bo di le bolelo, fa re di tsaya mo malapeng a rona go nna mefago ya rona. Mme jaanong bonang, di omeletse, e bile di a fafarega. Makuka a weine ke a; re a tladitse a sa le mašwa, mme bonang, a gagogile. Diaparo tsa rona le ditlhako tsa rona ke tse; di onetse ka leeto le leleele thata.” Ke fa banna ba ngatha mefago ya bone, mme ba sa botse Morena. Mme Jošua a dira kagiso nabo, a dira kgolagano nabo ya gore o tla ba lesa go phela. Le gona dikgosana tsa phuthego tsa ba ikanela jalo. Mme ga feta malatsi a le mararo ba sena go dira kgolagano nabo, jaanong ba utlwa gore batho bale ba gaufi le rona, mme ba agile mo gare ga rona. Gonne e rile Baiseraele ba fetela pele, ba fitlha kwa metseng ya bone ka letsatsi la boraro; metse ya bone e le Gibeone le Kefira le Beerothe le Khiriathe-Jearime. Mme Baiseraele ba se ka ba ba bolaya, ka gonne dikgosana tsa phuthego di ne di ba ikanetse ka Morena, Modimo wa Iseraele; ke fa phuthego yotlhe e ngongoregela dikgosana. Mme dikgosana tsotlhe tsa raya phuthego yotlhe tsa re: “Re ba ikanetse ka Morena, Modimo wa Iseraele; ke ka moo re palelwang jaanong ke go ba ama. Se re ka se ba direlang ke se: Ba leseng go phela gore bogale bo se ka jwa re wela ka ntlha ya maikano a re a ba ikanetseng.” Gape dikgosana tsa ba raya tsa re: “A ba phele, a e nne bafatsi ba dikgong le bagi ba metsi ba phuthego yotlhe.” Mme ga nna jalo jaaka dikgosana di buile. Ke fa Jošua a ba bitsa, a bua nabo a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo re tsieditse lwa re, lo kgakala thata le rona, etswe lo agile mo gare ga rona? Mme jaanong lo hutsegile, mme ga lo kitla lo khutla ka gope go nna batlhanka le bafatsi ba dikgong le bagi ba metsi ba Tempelana wa Modimo wa me.” Ba araba Jošua ba re: “Batlhanka ba gago ba begetswe e le nnete tse Morena, Modimo wa gago, o di laetseng Moše, motlhanka wa gagwe go lo naya lefatshe lotlhe le, le go nyeletsa baagi botlhe ba lefatshe le fa pele ga lona. Ka moo ra boifela maphelo a rona thata ka ntlha ya lona, mme ra dira jalo. Mme jaanong, bona, re mo diatleng tsa gago! Dira ka rona tse di siameng tse di tshwanetseng mo matlhong a gago!” A ba direla jalo, a ba namolela mo diatleng tsa Baiseraele gore ba se ka ba ba bolaya. Ka letsatsi leo Jošua a ba dira bafatsi ba dikgong le bagi ba metsi ba phuthego le ba aletare ya Morena mo felong fa Morena o tla go tlhophang, go fitlhelela kajeno. Atoni-Seteke, kgosi ya Jerusalema a utlwa go twe, Jošua o thopile motse wa Ai, a dirafatsa khutso ya Modimo mo go ona; a direla Ai le kgosi ya teng jaaka a diretse Jerigo le kgosi ya gona, le gore baagi ba Gibeone ba dirile kagiso le Baiseraele, ba nna mo gare ga bone. Ke fa a boifa thata; gonne Gibeone e ne e le motse o mogolo jaaka mongwe wa metse ya dikgosi; gonne o ne o le mogolo bogolo go Ai, le banna botlhe ba ona e ne e le bagale. Ka moo Atoni-Seteke, kgosi ya Jerusalema, a roma kwa go Hohame, kgosi ya Heberone, le kwa go Phireame, kgosi ya Jaremuthe, le kwa go Jafia, kgosi ya Lagiše le kwa go Debire, kgosi ya Egelone, a re: “Tlayang kwano go nna, lo nthuse gore re itee ba Gibeone, gonne ba dirile kagiso le Jošua le Baiseraele.” Ke fa dikgosi tse tlhano tsa Baamori di kgobokana, di bolola, e le kgosi ya Jerusalema le kgosi ya Heberone le kgosi ya Jaremuthe le kgosi ya Lagiše le kgosi ya Egelone, tsone le mephato yotlhe ya tsone tsa dikanyetsa motse wa Gibeone ka ntwa, tsa tlhabana nao. Mme banna ba Gibeone ba roma kwa go Jošua kwa bothibelelong jwa Gilegala ba re: “O se ka wa repisa mabogo, wa a tlosa mo batlhankeng ba gago. Tlaya kwano go rona ka pele, o re pholose, o re thuse! Gonne dikgosi tsa Baamori tse di agileng mo dithabeng di kgobokanye go lwa le rona.” Ke fa Jošua a bolola, a tswa kwa Gilegala, ene le banna botlhe ba batlhabani nae le bagale botlhe ba mephato. Le gona Morena a raya Jošua a re: “Se ba boife, gonne ke ba neetse mo diatleng tsa gago. Ga go na ope mo go bone yo o tla emang fa pele ga gago.” Jošua a ba tlhasela ka tshoganyetso, ka a letse a tsamaya bosigo jotlhe go tswa kwa Gilegala. Mme Morena a ba raraanye fa pele ga Baiseraele, ba ba fenya ka phenyo e kgolo kwa Gibeone, ba ba tebela mo tseleng e e tlhatlogelang kwa Bethorone, ba ba bolaya go fitlha kwa Aseka le go fitlha kwa Maketa. Jaanong ya re ba tshaba Baiseraele, ba fologa kwa Bethorone go ya ba fitlha kwa Aseka, Morena a eta a ba konopa ka majwe a magolo a a tswang kwa legodimong, mme ba swa. Ba ba bolailweng ke majwe a sefako ba ne ba le bantsi go feta ba Baiseraele ba ba bolaileng ka tšhaka. Ke fa Jošua a bua le Morena, e le ka letsatsi le Morena a neetseng Baamori mo tatlhegong fa pele ga Baiseraele ka lone, a bolela mo matlhong a Baiseraele a re: “Wena letsatsi ema mo Gibeone, le wena ngwedi, mo mogorogorong wa Ayalone!” Mme letsatsi la ema le ngwedi wa ema go fitlhelela setšhaba se ipusolosetsa mo babeng ba sona. Kana tseo di kwadilwe mo lokwalong lwa Mosiami! Letsatsi le ne la ema fa gare ga legodimo, e ka nna motlha o o tletseng, la se ka la akofa go phirima. Ga go ise go ke go nne motlha o o tshwanang le oo pele ga ona le e seng morago ga ona o Morena o utlwileng lentswe la monna ka ona; gonne Morena o ne a tlhabanela Baiseraele. Jaanong Jošua a boela kwa bothibelelong jwa Gilegala, a na le Baiseraele botlhe. Mme dikgosi tse tlhano tseo di ne di tshabile, tsa ya go iphitlha mo logageng kwa Maketa. Jaanong Jošua a begelwa ga twe: “Dikgosi tse tlhano di bonywe di iphitlhile mo logageng kwa Maketa.” Ke fa Jošua a re: “Pitikelang mafika a magolo mo molomong wa logaga, lo bee banna fa go lone gore ba di dise. Mme lona lo se ka lwa ema. Latelelang baba ba lona, lo bolae ba ba kwa morago mo go bone, lo se ka lwa ba lesa go boela mo metseng ya bone. Gonne Morena, Modimo wa lona, o ba neetse mo diatleng tsa lona.” Jaanong e rile Jošua le Baiseraele ba sena go ba bolaya jalo ka polao e kgolo thata ga tsamaya ba fela – le masalela a bone a a falotseng a sena go tsena mo metseng e e femetsweng – morafe otlhe wa boela kwa bothibelelong kwa go Jošua kwa Maketa ka kagiso, mme go se na ope yo o ka nyefolang Baiseraele ka loleme. Ke fa Jošua a re: “Thibololang molomo wa logaga, lo ntshe dikgosi tse tlhano tsele mo logageng, lo di tlise kwano go nna.” Ba dira jalo, ba ntsha dikgosi tse tlhano tsele mo logageng, ba di isa kwa go ene, e bong kgosi ya Jerusalema le ya Heberone le ya Jaremuthe le ya Lagiše le ya Egelone. Jaanong ya re ba sena go ntshetsa dikgosi tseo kwa go Jošua, Jošua a bitsa banna botlhe ba Iseraele, a raya balaodi ba batlhabani ba ba neng ba bolotse nae a re: “Atamelang, lo bee dinao mo dithamong tsa dikgosi tse.” Ba atamela, ba baya dinao mo dithamong tsa tsone. Jošua a ba a ba raya a re: “Se boifeng, se tshogeng! Tiang lo nne pelokgale! Gonne Morena o tla direla baba botlhe ba lona jalo, ba lo tla tlhabanang nabo.” Morago ga moo Jošua a di rema, a di bolaya, a di pega mo ditlhareng tse tlhano; tsa tlhola di lepeletse mo ditlhareng go ya mantsiboeng. Mme ya re letsatsi le phirima, Jošua a laola gore ba di pagolole mo ditlhareng, ba di latlhele mo logageng lo di neng di iphitlhile mo go lone. Mme ba baya mafika a magolo mo molomong wa logaga. A sa le teng le ka letsatsi la kajeno. Le gona Jošua a thopa motse wa Maketa ka letsatsi leo, a o itaya ka bogale jwa tšhaka, a dirafatsa khutso ya Modimo mo kgosing ya ona le mo go ona le mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope go ka falola. A dira kgosi ya Maketa se o kileng a se dira kgosi ya Jerigo. Jaanong Jošua a tloga kwa Maketa, a fetela kwa Lebena, a na le Baiseraele botlhe, a tlhasela motse wa Lebena. Le ona Morena a o neela mo diatleng tsa Baiseraele le kgosi ya ona; Jošua a o rema ka bogale jwa tšhaka le batho botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope mo go ona go ka falola, a dira kgosi ya ona se o kileng a se dira kgosi ya Jerigo. Jaanong Jošua a tloga kwa Lebena, a fetela kwa motseng wa Lagiše, a na le Baiseraele botlhe, ba o dikanyetsa ka ntwa, ba lwa nao. Lagiše le ona Morena a o neela mo diatleng tsa Baiseraele; ba o thopa ka letsatsi la bobedi, ba o itaya ka bogale jwa tšhaka le batho botlhe ba ba neng ba le mo go ona, fela jaaka ba dirile kwa Lebena. Ka sebaka seo ga bolola Horame, kgosi ya Gesere go thusa Lagiše, mme Jošua a mmolaya le morafe wa gagwe ga tsamaya a se ka a mo sadisetsa mofalodi ope. Jaanong Jošua a tloga kwa Lagiše, a fetela pele kwa motseng wa Egelone, a na le Baiseraele botlhe; ba o tsenya gare, ba o tlhasela, ba o thopa ka letsatsi leo, ba o rema ka bogale jwa tšhaka, ba dirafatsa khutso ya Modimo mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona ka letsatsi leo fela jaaka ba dirile kwa Lagiše. Jaanong Jošua a bolola gape, a tswa mo Egelone, a na le Baiseraele botlhe, a ya kwa motseng wa Heberone, mme ba o tlhasela, ba o thopa, ba o itaya ka bogale jwa tšhaka le kgosi ya ona le metse yotlhe ya ona le batho botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope yo o ka falolang fela jaaka a dirile kwa Egelone. A dirafatsa khutso ya Modimo mo go ona le mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona. Jaanong Jošua a boa, a na le Baiseraele botlhe, a ya kwa motseng wa Debire, a o tlhasela, a o thopa le kgosi ya ona le metse yotlhe ya ona; ba e itaya ka bogale jwa tšhaka, ba dirafatsa khutso ya Modimo mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope yo o ka falolang, a dira ka Debire le kgosi ya ona jaaka a dirile kwa Heberone le jaaka a dirile ka Lebena le kgosi ya teng. Jošua a fenya jalo mo nageng yotlhe ya dithaba le ya borwa le e e kwa tlase le ya diphologo tsa dithaba, le dikgosi tsotlhe tsa teng a di fenya, a se ka a sadisa mofalodi ope; a dirafatsa khutso ya Modimo mo go tsotlhe tse di phelang jaaka Morena, Modimo wa Iseraele, a laotse. Jošua a ba fenya go simolola kwa Kateše-Barenea go fitlha kwa Gasa le mo nageng yotlhe ya Gosene go ya kwa Gibeone. Dikgosi tsotlhe tseo le dinaga tsa tsona Jošua a di thopa ka nako e le nngwe fela; gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o ne a tlhabanela Baiseraele. Morago ga foo Jošua a boela gape kwa bothibelelong jwa Gilegala, a na le Baiseraele botlhe. E rile Jabine, kgosi ya Hasore, a utlwela dilo tseo, a roma kwa go Jobabe, kgosi ya Matone, le kwa kgosing ya Simerone le kwa kgosing ya Agešafe, le kwa dikgosing tse di kwa bokone mo dithabeng le mo lebaleng la Joretane mo ntlheng ya borwa ya Khinerothe le mo nageng e e kwa tlase le mo dithoteng tsa Dore kwa bophirimatsatsi le kwa go Bakanana ba kwa botlhabatsatsi le ba kwa bophirimatsatsi le kwa go Baamori le Bahethe le Baferesi le Bajebusi ba ba mo dithabeng le kwa go Bahewi ba ba fa tlase ga thaba ya Heremone mo nageng ya Mitsepha. Ke bao ba neng ba bolola, ba na le mephato yotlhe ya bone, e le batho ba le bantsintsi ba ba kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle ka bontsi, ba na le dipitse le dikoloi tsa ntwa di le dintsi thata. Dikgosi tsotlhe tseo tsa kgobokana, tsa tla, tsa thibelela mmogo fa metsing a Merome go tlhabana le Baiseraele. Mme Morena a raya Jošua a re: “Se ba boife, gonne kamoso mo nakong e ke tla ba neela botlhe losong ba bolailwe ke Baiseraele. Dipitse tsa bone o tla di kgaola mesifa; dikoloi tsa ntwa tsa bone o tla di fisa ka molelo.” Jaanong Jošua a fitlha, a na le banna botlhe ba batlhabani, ba ba wela ka tshoganyetso fa metsing a Merome, ba ba tlhasela. Mme Morena a ba neela mo diatleng tsa Baiseraele, ba ba bolaya, ba ba tebela go ya kwa Sitone yo mogolo le go ya kwa metsweding ya metsi a a bolelo le go ya kwa lebaleng la Mitsepha kwa botlhabatsatsi; ba ba fenya gore go tlhokafale le yo o ka bong a falotse. Jošua a dira ka bone jaaka Morena a mo laetse: A kgaola mesifa ya dipitse tsa bone, a fisa dikoloi tsa ntwa tsa bone ka molelo. Jošua a ba a boa ka sebaka seo, a thopa Hasore, a bolaya kgosi ya teng ka tšhaka; gonne mo metlheng ya pele Hasore e ne e le tlhogo ya magosi aotlhe ao. Ba bolaya batho botlhe ba ba neng ba le gona ka bogale jwa tšhaka, ba dirafatsa khutso ya Modimo jalo, go sa sadisiwe sepe se se phelang, ba fisa Hasore ka molelo. Jošua a thopa metse yotlhe ya dikgosi tseo mmogo le dikgosi tsotlhe tsa yona, a di bolaya ka bogale jwa tšhaka, a dirafatsa khutso ya Modimo mo go tsona jaaka Moše, motlhanka wa Morena, a laetse. Fela metse yotlhe e e neng e agilwe mo dithabeng, Baiseraele ba se ka ba e fisa, fa e se motse wa Hasore o le osi fela, ona Jošua o o fisitse. Thopo yotlhe ya metse eo le diruiwa Baiseraele ba di ithopela; fela batho botlhe bone ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka ga tsamaya ba ba fedisa, ba sa sadise ope yo o phelang. Moše o ne a laetse Jošua jaaka Morena a ne a laotse Moše, motlhanka wa gagwe. Jošua a dira fela jalo, a se ka a tlogela sepe sa tsotlhe tse Morena o neng a di laotse Moše. Lefatshe lotlhe leo Jošua a le thopa jalo, e bong dithaba le naga yotlhe ya borwa le lefatshe lotlhe la Gosene le naga e e kwa tlase le lebala la Joretane le dithaba tsa Iseraele le naga ya teng e e kwa tlase fa lewatleng; go tloga kwa dithabeng tse di bogonoko tse di tlhatlogelang kwa Seire go ya go fitlha kwa Baale-Gate mo mogorogorong wa Lebanone fa tlase ga thaba ya Heremone; a thopa le dikgosi tsotlhe tsa teng, a di rema, a di bolaya. Jošua o ne a tlhabana sebaka se seleele le dikgosi tsotlhe tseo. Ga go a ka ga nna motse ope o o neng wa dira kagiso le Baiseraele, fa e se Bahewi ba ba agileng kwa Gibeone, mme ba thopa lefatshe lotlhe ka tlhabano. Gonne e ne e le Morena yo o thatafatsang dipelo tsa bone, mo ba bololang go tlhabana le Baiseraele gore bone ba dirafatse khutso ya Modimo mo go bone, mme ba se ka ba bona bopelotlhomogi bope, mme ba ba fedise jaaka Morena a laotse Moše. Ka sebaka seo Jošua o bile a bolola a nyeletsa Baenake, a ba fedisa mo dithabeng le mo Heberone le mo Debire le mo Anabe le mo dithabeng tsotlhe tsa Juta le mo dithabeng tsotlhe tsa Iseraele. Jošua a dirafatsa khutso ya Modimo mo go bone le mo metseng ya bone. Ga se ka ga sadisiwa Baenake mo lefatsheng la Baiseraele; ba sadisiwa fela kwa Gasa le kwa Gathe le kwa Ašetote. Jošua a thopa lefatshe lotlhe jalo fela jaaka Morena a laotse Moše. Jošua a le abela Baiseraele go nna boswa ka fa dikarolong tsa bone, ke go re ka fa ditsong tsa bone. Jaanong lefatshe la ikhutsa le se na ntwa. Dikgosi tsa lefatshe tse Baiseraele ba di fentseng, ba thopa lefatshe la tsona kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi go tloga fa nokeng ya Arenone go ya kwa thabeng ya Heremone le lebala lotlhe la Joretane le le ka kwa botlhabatsatsi, ke tse: Ke Sihone, kgosi ya Baamori yo o neng a nna mo Hešebone; a busa go tloga kwa Aroere yo o fa losing lwa noka ya Arenone, le bontlhanngwe jwa molapo le bontlhanngwe jwa Gileate le go fitlha kwa nokeng ya Jaboke e e leng molelwane wa Baamone. A busa lebala la Joretane go ya kwa letsheng la Khinerothe kwa botlhabatsatsi le go ya kwa Lewatleng la Lebala la Joretane kwa Lewatleng la Letswai kwa botlhabatsatsi, fa go iwang kwa Bethe-Ješimothe le kwa borwa fa tlase ga mekgokolosa ya Phiseka. Ba thopa le naga ya ga Oge, kgosi ya Basane yo e neng e le wa masalela a Barefaime, yo o neng a nna mo Ašetharothe le mo Eterei. A busa kwa thabeng ya Heremone le kwa Salega le mo nageng yotlhe ya Basane go ya kwa molelwaneng wa Bakesure le wa Bamaagatha le bontlhanngwe jwa Gileate go ya molelwaneng wa ga Sihone, kgosi ya Hešebone. Ke bone ba Moše motlhanka wa Morena o neng a ba fenya le Baiseraele. Lefatshe leo la bone Moše, motlhanka wa Morena, o le abetse Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase go nna boswa. Dikgosi tsa lefatshe tse Jošua o neng a di fenya a na le Baiseraele ka kwano ga Joretane ntlheng ya bophirimatsatsi go tloga kwa Baale-Gate mo mogorogorong wa Lebanone go ya kwa dithabeng tse di bogonoko tse di tlhatlogelang kwa Seire, ke tse: (Jaanong Jošua a le abela ditso tsa Baiseraele go nna boswa; lotso longwe le longwe lwa newa kabelo ya lone: Mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase fa lewatleng le mo lebaleng la Joretane le mo mekgokoloseng le mo sekakeng le mo nageng ya borwa, e bong mo dinageng tsa Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.) Dikgosi tsa teng ke tse: Ke kgosi ya Jerigo le kgosi ya Ai yo o neng a bapile le Bethele le kgosi ya Jerusalema le kgosi ya Heberone le kgosi ya Jaremuthe le kgosi ya Lagiše le kgosi ya Egelone le kgosi ya Gesere le kgosi ya Debire le kgosi ya Getere le kgosi ya Horema le kgosi ya Arate le kgosi ya Lebena le kgosi ya Adulame le kgosi ya Maketa le kgosi ya Bethele le kgosi ya Thaphua le kgosi ya Hefere le kgosi ya Afeke le kgosi ya Sarone le kgosi ya Matone le kgosi ya Hasore le kgosi ya Simerone-Merone le kgosi ya Agešafe le kgosi ya Thaenage le kgosi ya Megito le kgosi ya Keteše le kgosi ya Jokeneame kwa Karemele le kgosi ya Dore kwa dithoteng tsa Dore le kgosi ya ditšhaba tsa Gilegala le kgosi ya Thiresa. Dikgosi tsotlhe mmogo di ne di le 31. E rile Jošua a sena go tsofala, a le dinyaga-dintsi, Morena a mo raya a re: “Wena o tsofetse, o dinyaga-dintsi. Mme go sa ntse go setse lefatshe le legolo thata le le tshwanetseng go thopiwa. Lefatshe le le setseng ke le: Ke dinaga tsotlhe tsa Bafelesita le tsa Bakesure tsotlhe go tloga kwa nokeng ya Sigore e e fa thoko ga Egepeto go ya kwa nageng ya Ekerone kwa bokone e e balelwang Bakanana e bong naga ya dikgosi tse tlhano tsa Bafelesita ya Gasa le ya Ašetote le ya Ašekalone le ya Gathe le ya Ekerone, le dinaga tsa Baawi kwa borwa. Go setse le lefatshe lotlhe la Bakanana le Meara yo e leng wa Basitone go ya kwa Afeke go ya kwa molelwaneng wa Baamori le lefatshe la Bagebale le Lebanone yotlhe mo ntlheng ya botlhabatsatsi go tloga kwa Baale-Gate fa tlase ga thaba ya Heremone go ya go fitlha kwa Hamathe. Go setse le baagi botlhe ba dithaba go tloga kwa Lebanone go ya kwa metsweding ya metsi a a bolelo. Basitone botlhe ke tla ba leleka fa pele ga Baiseraele. Fela naga ya bone o e abele Baiseraele jaanong ka tengwa go nna boswa jaaka ke go laetse. Jaanong kgaoganya lefatshe le go nna boswa jwa ditso tse di le robongwe le jwa bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase.” Gonne bontlhanngwe jo bongwe jwa Manase bo amogetse boswa jwa bone mmogo le Barubene le Bagate, jo Moše o bo ba neileng kwa moseja ga Joretane go ya kwa botlhabatsatsi ka fa Moše motlhanka wa Morena a ba neileng ka teng: Go tloga kwa Aroere yo o fa losing lwa noka ya Arenone le motse o o mo gare ga molapo le loboa lotlhe go tswa kwa Meteba go ya kwa Dibone le metse yotlhe ya ga Sihone kgosi ya Baamori yo o neng a busa mo Hešebone go ya molelwaneng wa Baamone le Gileate le naga ya Bakesure le ya Bamaagatha le thaba yotlhe ya Heremone le Basane yotlhe go ya kwa Salega e le puso yotlhe ya ga Oge mo Basane yo o neng a busa mo Ašetharothe le mo Eterei. Ene o ne a setse e le wa masalela a Barefaime, bone Moše o ba bolaile, a ba leleka. Fela Baiseraele ga ba a ka ba leleka Bakesure le Bamaagatha, mme Bakesure le Bamaagatha ba ntse ba agile mo gare ga Baiseraele go fitlha letsatsing leno. Ke lotso lwa ga Lefi lo le losi fela lo Moše a se kang a lo naya boswa. Ditlhabelo tsa Morena, Modimo wa Iseraele, ke tsone boswa jwa lone jaaka a lo solofeditse. Moše a abela lotso lwa Barubene ka fa ditshikeng tsa lone. Se ba se abetsweng ke naga e e simologang kwa Aroere yo o fa losing lwa noka ya Arenone le kwa motseng o o mo gare ga molapo le leboa lotlhe go ya kwa Meteba le motse wa Hešebone le metse yotlhe ya ona e e mo leboeng: E bong Dibone le Bamothe-Baale le Bethe-Baale-Meone le Jahase le Ketemothe le Mefaathe le Khiriathaime le Sibema le Serethe-Šahare fa thabeng ya leboa le Bethe-Pheore le diphologelo tsa Phiseka le Bethe-Ješimothe le metse yotlhe ya leboa le puso yotlhe ya ga Sihone kgosi ya Baamori yo o neng a busa mo Hešebone, yo Moše o mo fentseng mmogo le dikgosana tsa Midiane, e bong Ewi le Rekeme le Sure le Hure le Reba, ba e neng e le dikgosana tsa ga Sihone tse di neng di agile mo lefatsheng le. Le Bileame wa moitseanape morwa Beore, Baiseraele ba mmolaile ka tšhaka mmogo le ba ba bolailweng bao. Molelwane wa Barubene e ne e le Joretane. Ke jona boswa jwa Barubene ka fa ditshikeng tsa bone; ke yona metse le metsana ya teng. Moše a abela lotso lwa Bagate ka fa ditshikeng tsa lone. Naga e ba e abetsweng ke Jasere le metse yotlhe ya Gileate le bontlhanngwe jwa lefatshe la Baamone go ya kwa Aroere yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Raba le go tloga kwa Hešebone go ya kwa Ramathe-Mitsephe le kwa Betonime le go tloga kwa Mahanaime go ya kwa molelwaneng wa Letebire. Mo lebaleng la Joretane ba abelwa metse ya Bethe-Harame le Bethe-Nimera le Sukothe le Safone, mo e leng lesalela la puso ya ga Sihone kgosi ya Hešebone. Molelwane e ne e le Joretane go ya kwa bofelong jwa letsha la Khinerethe kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi. Ke jona boswa jwa Bagate ka fa ditshikeng tsa bone; ke yona metse le metsana ya teng. Moše a abela bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase; se bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase bo se abetsweng ka fa ditshikeng tsa bona ke se: Naga ya bone e ne e le Basane yotlhe go simolola kwa Mahanaime, e le puso yotlhe ya ga Oge kgosi ya Basane le metsana yotlhe ya ga Jaire e e mo Basane, metse e le 60; le bontlhanngwe jwa Gileate le Ašetharothe le Eterei yona metse ya puso ya ga Oge mo Basane. Ke yona naga ya bomorwa Magire morwa Manase; ke ya bontlhanngwe jwa bomorwa Magire ka fa ditshikeng tsa bone. Ke tsona dinaga tse Moše o neng a di ba abela a le kwa mabaleng a Moabe kwa moseja ga Joretane, fa Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi. Mme ba lotso lwa ga Lefi Moše a se ka a ba naya boswa. Morena Modimo wa Iseraele ke ene boswa jwa bone jaaka a ba solofeditse. Dinaga ke tse, tse Baiseraele ba di amogetseng go nna boswa mo lefatsheng la Kanana tse ba di abetsweng ke moperesiti Eleasare le Jošua morwa Nune le ditlhogo tsa dikgotla tsa ditso tsa Baiseraele. Ba ba abela dinaga tsa bone ka tengwa jaaka Morena a ne a laotse ka Moše gore ba di nee ditso tse di le robongwe le bontlhanngwe jwa lotso. Gonne Moše o ne a neile ditso tse pedi le bontlhanngwe jwa lotso boswa kwa moseja ga Joretane, mme a se ka a naya Balefi boswa mo gare ga bone. Gonne Bajosefa e ne e le ditso tse pedi, Manase le Eferaime, mme ba se ka ba naya Balefi kabelo ya naga fa e se metse ya go nna mo go yona le mafulo a diruiwa tsa bone le ditsha tsa di-tsa-bone. Baiseraele ba kgaogana lefatshe jalo, ba dira jaaka Morena a laotse Moše. Bajuta ba kile ba atamela kwa go Jošua mo Gilegala, mme Kalebe morwa Jefune wa Mokenisi a mo raya a re: “O itse lefoko ka wesi le Morena o le buileng le Moše, monna wa Modimo, ka ntlha ya me le ka ntlha ya gago kwa Kateše-Barenea. E rile Moše motlhanka wa Morena a nthoma go tswa kwa Kateše-Barenea go ya go tlhola lefatshe le, ka bo ke le dinyaga di le 40; ya re ke boa, ka mmegela ka fa ke ikutlwang ka teng mo pelong. Mme bomorwa-rre ba ba neng ba ile le nna ba nyemisa morafe moko, mme nna ka latela Morena, Modimo wa me, ka botlalo. Ke fa Moše a ikana ka letsatsi leo a re: ‘Ruri, lefatshe le dinao tsa gago di gatileng mo go lone e tla nna la gago le la bana ba gago go nna boswa ka bosakhutleng; ka gonne o latetse Morena, Modimo wa me, ka botlalo.’ Mme jaanong bona, Morena o mphedisitse jaaka a ntsholofeditse, e setse e le dinyaga di le 45 go tloga foo, fa Morena a laola Moše lefoko leo, Baiseraele ba ntse ba sepela mo sekakeng. Bona, nna kajeno ke na le dinyaga di le 85. Ke sa ntse ke tiile kajeno jaaka ka letsatsi le Moše o ne a nthomile ka lone; thata ya me ya jaanong e sa ntse e tshwana le thata ya metlha ele go ka tlhabana le go bolola le go goroga. Jaanong he, a ko o mphe dithaba tse Morena o buileng ka ga tsona ka letsatsi lele; gonne o utlwile ka wesi ka letsatsi lele gore go na le Baenake le metse e megolo e e femetsweng; ka gongwe Morena o tla nna le nna gore ke ba leleke jaaka Morena a solofeditse.” Ke fa Jošua a mo tshegofatsa, a naya Kalebe morwa Jefune Heberone go nna boswa. Ke ka moo Heberone e leng boswa jwa ga Kalebe morwa Jefune wa Mokenisi go fitlha letsatsing leno; ka gonne o ne a latetse Morena, Modimo wa Iseraele, ka botlalo. Mme leina la Heberone e ne e le motse wa ga Areba pele ga foo; ene e ne e le motho yo mogolo mo go Baenake. Jaanong lefatshe la ikhutsa, le se na ntwa. Naga e ditshika tsa lotso lwa ga Juta di e abetsweng ka tengwa e ne e fitlha kwa molelwaneng wa Etomo le kwa sekakeng sa Tsine ntlheng ya borwa kwa mafelelong a teng. Molelwane wa bone ntlheng ya borwa o ne o tloga kwa bofelong jwa Lewatle la Letswai kwa sekhutlong se se ntlheng ya borwa o ya pele go fitlha ntlheng ya borwa ya Phata-ya-Diphepheng, o fetela kwa Tsine, o tlhatloga mo ntlheng ya borwa ya Kateše-Barenea, o fetela kwa Heserone, o tlhatlogela kwa Atare, o be o thelela teng, o ya kwa Kareka o fetela kwa Asemone, o ya pele kwa nokaneng ya molelwane wa Egepeto o felela fa lewatleng. E tla nna ona molelwane wa lona kwa borwa. Molelwane wa ntlheng ya botlhabatsatsi e ne e le Lewatle la Letswai go fitlha fa Joretane o kopanang le lone teng. Molelwane wa lotlhakore lwa bokone o ne o tloga kwa makopanelong a lewatle leo le Joretane jaanong molelwane o ne o tlhatlogela kwa Bethogola, o fetela pele go ya ntlheng ya bokone ya Betharaba, o be o tlhatlogela kwa Lefikeng la Bohane morwa Rubene. Gape molelwane o ne o tlhatlogela kwa Debire o tswa Mogorogorong wa Agore, o be o thelela o ya kwa bokone kwa Gilegala yo o lebaganyeng le Phata ya Adumime e e mo ntlheng ya borwa ya nokana. Jaanong molelwane o ne o fetela kwa metsing a Motswedi wa Letsatsi, o be o felela fa motsweding wa Rogele. Jaanong molelwane o ne o tlhatlogela kwa mogorogorong wa morwa Hinome go ya mhapheng wa thaba ya Bajebusi ntlheng ya borwa – ke gona Jerusalema. Molelwane o tlhatlogela gape kwa setlhoeng sa thaba e e bapileng le mogorogoro wa ga Hinome mo ntlheng ya bophirimatsatsi, e e bileng e le mo ntlheng ya bokone mo bofelong jwa mogorogoro wa Barefaime. Molelwane o ne o thelela mo setlhoeng sa thaba eo, o ya kwa motsweding wa metsi a Nefethoa; go tswa teng o ne o ya kwa dithabeng tsa metse ya ga Eferone. Jaanong o thelela, o ya kwa Baala, e bong Khiriathe-Jearime. Kwa Baala molelwane o ne o thelela o ya kwa bophirimatsatsi kwa thabeng ya Seire; o be o fetela kwa mhapheng wa thaba ya Jearime ntlheng ya bokone, e bong Kesalone; o be o fologela kwa Betšhemeše, o fetela kwa Thimena. Molelwane o ne o tswa teng o ya kwa bokone kwa mhapheng wa Ekerone; teng koo molelwane o thelela go ya kwa Sikerone, o fetela kwa thabeng ya Baala, o ya pele go fitlha kwa Jabenele, o felela fa lewatleng. Molelwane wa lotlhakore lwa bophirimatsatsi e ne e le lewatle le legolo, e bong losi lwa lone. Ke yona melelwane ya Bajuta mo tikologong ka fa ditshikeng tsa bone. Mme Jošua a naya Kalebe morwa Jefune kabelo mo gare ga Bajuta ka fa Morena a mo laetseng ka teng, e bong motse wa ga Areba rraagwe Enake; ke ona motse wa Heberone. Kalebe a leleka bomorwa Enake ba bararo teng, e bong Sesai le Ahimane le Thalemai, bana ba ga Enake. Go tswa teng a tlhatloga go ya go lwa le baagi ba Debire; mme leina la Debire e ne e le Khiriatshefere pele ga foo. Ke fa Kalebe a re: “Yo o ka fenyang Khiriatshefere, a o thopa, ke tla mo neela morwadiake Agesa go nna mosadi wa gagwe.” Ke fa Otheniele morwa Kenase, morwa-rraagwe Kalebe, a o thopa; mme Kalebe a mo neela morwadie Agesa go nna mosadi wa gagwe. Jaanong ya re Agesa a tla kwa go ene, Otheniele a mo tlhotlheletsa gore a lope tshimo mo go rraagwe. Ke fa Agesa a fologa ka pele mo eseleng, mme Kalebe a mmotsa a re: “Go rileng?” Agesa a re: “Mphe lesego la go ntsamaisa sentle. E re ka o mpeile kwa nageng e e sekaka ya borwa, ke kopa gore o mphe le metswedi ya metsi.” Ke fa Kalebe a mo naya metswedi e e kwa godimo le e e kwa tlase. Ke jona boswa jwa lotso lwa Bajuta ka fa ditshikeng tsa bone. Metse ya lotso lwa Bajuta kwa thoko ntlheng ya borwa go bapa le molelwane wa Etomo e ne e le Kapsheele le Etere le Jagure le Khina le Dimona le Atata le Keteše le Hasore le Ithenane le Sife le Teleme le Bealothe le Hasore-Hatatha le Keriothe-Heserone – ke gona Hasore – le Amame le Sema le Molata le Hasare-Gata le Hesemone le Bethe-Phelete le Hasare-Šuale le Bereseba le Bisiothia le Baala le Iyime le Eseme le Eletholate le Kesile le Horema le Sitlage le Matemana le Sanesana le Lebaothe le Silehime le Aine le Rimone. Metse yotlhe e ne e le 29 kwa ntle ga metsana ya yona. Mo nageng e e kwa tlase go ne go le Ešethaole le Sorea le Ašena le Sanoa le Enganime le Thaphua le Ename le Jaremuthe le Adulame le Sogo le Aseka le Saaraime le Adithaime le Ketera le Geterothaime; e ne e le metse e le 14 kwa ntle ga metsana ya yona. Le Senane le Hataša le Migetale-Gate le Dileane le Mitsepha le Jokethele le Lagiše le Bosekathe le Egelone le Kabone le Lagemase le Khitlhiše le Geterothe le Bethe-Dagone le Naama le Maketa. E ne e le metse e le 16 kwa ntle ga metsana ya yona. Le Lebena le Ethere le Ašane le Ifetha le Ašena le Nesibe le Kehila le Agesibe le Mareša. E ne e le metse e le 9 kwa ntle ga metsana ya yona. Le Ekerone le metse le metsana ya teng. Le go tloga kwa Ekerone go ya go fitlha kwa lewatleng, e bong metse yotlhe e e fa thoko ga Ašetote le metsana ya yona. Le Ašetote le metse le metsana ya teng le Gasa le metse le metsana ya teng, go ya kwa nokaneng ya molelwane wa Egepeto. Lewatle le legolo e ne e le molelwane. Mo dithabeng go ne go le Samire le Jathire le Sogo le Dana le Khiriathe-Sana, e bong Debire; le Anabe le Ešethemo le Anime le Gosene le Holone le Gilo. E ne e le metse e le 11 kwa ntle ga metsana ya yona. Le Arabe le Duma le Ešane le Janime le Bethe-Thaphua le Afeka le Humuta le Khiriathe-Areba, e bong Heberone le Siore. E ne e le metse e le 9 kwa ntle ga metsana ya yona. Le Maone le Karemele le Sife le Jota le Iserele le Joketeame le Sanoa le Kaine le Gibea le Thimena. E ne e le metse e le some kwa ntle ga metsana ya yona. Le Halehule le Betshure le Ketore le Maarathe le Bethanothe le Elethekone. E ne e le metse e merataro kwa ntle ga metsana ya yona. Le Khiriathe-Baale, e bong Khiriathe-Jearime, le Raba. E ne e le metse e le mebedi kwa ntle ga metsana ya yona. Mo sekakeng go ne go le Betharaba le Midine le Segaga le Nibešane le motse wa letswai le Engedi. E ne e le metse e merataro kwa ntle ga metsana ya yona. Mme Bajuta ba ne ba palelwa ke go leleka Bajebusi ba ba agileng mo Jerusalema. Bajebusi ba nna jalo mo Jerusalema mmogo le Bajuta go fitlha letsatsing leno. Molelwane wa naga e Bajosefa ba e abetsweng ka tengwa o ne o simologa fa Joretane kwa Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi ya metsi a Jerigo, mme go tswa teng o ya kwa sekakeng, o be o tlhatlogela kwa dithabeng tsa Bethele. Jaanong go tswa kwa Bethele o ne o ya kwa Luse, o fetela pele kwa nageng ya Baaregi kwa Atarothe. O be o fologela kwa bophirimatsatsi kwa nageng ya Bajafelete go ya go fitlha kwa nageng ya Bethorone yo o kwa tlase le go ya kwa Gesere. O be o felela fa lewatleng. Ke fa bomorwa Josefa, e bong Manase le Eferaime, ba neng ba bona kabelo ya naga teng. Naga ya Baeferaime ka fa ditshikeng tsa bone e ne e ntse jaana: Molelwane wa kabelo ya bone o ne o ya kwa botlhabatsatsi kwa Aterothe-Atare go ya go fitlha kwa Bethorone yo o kwa godimo. Molelwane o be o fetela pele kwa lewatleng, o pota Migemethathe mo ntlheng ya borwa. Molelwane o be o thelela, o ya kwa botlhabatsatsi kwa Thaanatšhilo, o mo pota ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, o ya kwa Janoa. Go tswa kwa Janoa o fologela kwa Atarothe le kwa Naara, o ama Jerigo, o felela fa Joretane. Go tswa kwa Thaphua molelwane o ne o ya kwa bophirimatsatsi kwa nokaneng ya Kana, o felela fa lewatleng. Ke yona kabelo ya lotso lwa Baeferaime ka fa ditshikeng tsa bone mmogo le metse e e segetsweng Baeferaime mo gare ga naga ya Bamanase, metse yotlhe le metsana ya yona. Mme ba se ka ba leleka Bakanana ba ba agileng kwa Gesere. Bakanana ba nna jalo mo gare ga Baeferaime go fitlha letsatsing leno. Fela ba nna batlhanka, ba ba direla. Le lotso lwa ga Manase lwa abelwa naga ka tengwa, gonne ene e ne e le morwa wa ntlha wa ga Josefa. Magire morwa wa ntlha wa ga Manase, rraagwe Gileate, a abelwa Gileate le Basane, ka a le mogale mo ntweng. Le bomorwa Manase ba bangwe ba fiwa boswa ka fa ditshikeng tsa bone, e bong bomorwa Abiesere le bomorwa Heleke le bomorwa Aseriele le bomorwa Šegeme le bomorwa Hefere le bomorwa Semita. Ke bone bomorwa Manase morwa Josefa ka fa ditshikeng tsa bone. Mme Selofehate morwa Hefere, morwa Gileate morwa Magire morwa Manase o ne a se na bomorwa, fa e se bomorwadi fela. Maina a bomorwadie ke Magala le Noa le Hogola le Mileka le Thiresa. Jaanong bomorwadie ba kile ba tla fa pele ga Eleasare moperesiti le fa pele ga Jošua morwa Nune le fa pele ga dikgosana, ba re: “Morena o laetse Moše gore a re nee kabelo ya naga mo gare ga bomorwa-rraarona.” Ke fa Jošua a ba abela boswa mo gare ga bomorwa-rraabo mogolo ka fa taelong ya Morena. Dikarolo di le some tsa wela mo go Manase jalo kwa ntle ga lefatshe la Gileate le Basane le le kwa moseja ga Joretane. Ka gonne bomorwadia Manase ba ne ba amogela boswa mo gare ga bomorwawe. Mme lefatshe la Gileate ya nna la bomorwa Manase ba bangwe. Mme molelwane wa ga Manase o ne o tswa kwa Asere, o ya kwa Migemethathe yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Šegeme; molelwane o be o ya kwa ntlheng ya le le jang kwa baaging ba Ene-Thaphua. Naga ya Thaphua e ne ya nna ya ga Manase, mme motse wa Thaphua o o fa molelwaneng wa ga Manase ya nna wa ga Eferaime. Jaanong molelwane o ne o fologela kwa nokaneng ya Kana ntlheng ya borwa ya nokana eo. Metse mengwe ya teng ya ga Eferaime e ne e le mo gare ga metse ya ga Manase. Molelwane wa ga Manase o be o le mo ntlheng ya bokone ya nokana eo, o felela fa lewatleng. Naga ya Eferaime e ne e le kwa borwa, ya Manase e le kwa bokone. Lewatle e ne e le molelwane wa bone. Ba amana le Asere kwa bokone le Isašare kwa botlhabatsatsi. Mo nageng ya ga Isašare le ya ga Asere Manase a abelwa motse wa Betšheane le metsana ya ona le Ibeleame le metsana ya ona le baagi ba Dore le metsana ya ona le baagi ba Entore le metsana ya ona le baagi ba Thaenage le metsana ya ona le baagi ba Megito le metsana ya ona, meboto e meraro e. Mme Bamanase ba palelwa ke go thopa metse eo; ke ka moo Bakanana ba kgonneng go nnela ruri mo nageng eo. Mme e rile Baiseraele ba sena go tia, ba dira Bakanana balala, fela ba se ka ba ba leleka. Jaanong Bajosefa ba bua le Jošua ba re: “Ke go reng, fa o re naya boswa jwa tengwa e le nngwe fela le kabelo e le nngwe fela, etswe rona re le morafe o mogolo, ka go re Morena o re tshegofaditse go fitlha jaanong?” Jošua a ba raya a re: “Fa lo le morafe o mogolo, tlhatlogelang mo sekgweng, lo ithemele manno teng mo nageng ya Baferesi le ya Barefaime, ka lo re, dithaba tsa Eferaime di lo pitlagantse.” Ke fa Bajosefa ba re: “Dithaba ga di re lekane, mme Bakanana botlhe ba ba agileng mo nageng ya leboa ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi, e bong ba ba mo Betšheane le mo metsaneng ya teng le ba ba mo leboeng la Iserele.” Mme Jošua a raya Bajosefa, e bong Baeferaime le Bamanase, a re: “Lo morafe o mogolo, lo na le thata e kgolo; ga lo ne lo fiwa kabelo e le nngwe fela. Mme lo tla abelwa naga ya dithaba; fa go le sekgwa, lo ithemele manno gore e nne ya lona go ya mafelelong a yona. Gonne lo tshwanetse go leleka Bakanana, le fa ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi, ba le thata.” E rile Baiseraele ba sena go thopa lefatshe, ba phuthegela botlhe kwa Silo, ba tlhoma Tempelana ya Boipontsho teng. Mme ga bo go setse ditso tse supa mo Baiseraeleng tse di iseng di amogele dikabelo tsa tsone. Ke fa Jošua a raya Baiseraele a re: “Lo diega sebaka se se kana kang go ya go tsaya lefatshe le Morena, Modimo wa borraeno, o le lo fileng? Ntshang banna ba bararo mo lotsong longwe le longwe; ke tla ba roma gore ba nanoge ba ralale lefatshe, ba le kwale ka fa ba ka le abelwang ka teng, ba be ba boele kwano go nna. Lo fete lo le kgaoganye dikarolo tse supa. Juta o tla nna mo nageng ya gagwe kwa borwa le Bajosefa ba tla nna mo nageng ya bone kwa bokone. Mme lo kwale dikabelo tse supa tsa lefatshe, lo di tlise kwano go nna gore ke lo tlhamele tengwa fano fa pele ga Morena, Modimo wa rona. Gonne Balefi ga ba na kabelo ya naga mo go lona. Kana boswa jwa bone ke boperesiti jwa Morena. Gape Gate le Rubene le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba setse ba amogetse boswa jwa bone kwa botlhabatsatsi kwa moseja ga Joretane; ba bo filwe ke Moše, motlhanka wa Morena.” Ke fa banna bao ba nanoga go tsamaya. Ya re ba bolola go kwala lefatshe, Jošua a ba laela a re: “Yaang lo ralale lefatshe, lo le kwale, lo be lo boele kwano go nna, ke tle ke lo tlhamele tengwa fa pele ga Morena mono Silo.” Banna bao ba ya ba ralala lefatshe, ba le kwala ka fa metseng mo lokwalong, ba dira dikabelo tse supa ba be ba boela kwa go Jošua kwa bothibelelong jwa Silo. Ke fa Jošua a ba tlhamela tengwa mo Silo fa pele ga Morena; Jošua a abela Baiseraele lefatshe ka fa ba rulagantsweng ka teng. Ga tswa tengwa ya lotso lwa Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone: Naga e ba e amogetseng ka tengwa e ne e le fa gare ga Bajuta le Bajosefa. Molelwane wa bone mo ntlheng ya bokone o ne o tloga kwa Joretane; molelwane o be o tlhatlogela kwa mmotong ntlheng ya bokone ya Jerigo, o be o tlhatlogela mo dithabeng, o ya kwa bophirimatsatsi, o khutla mo sekakeng sa Bethawene. Go tswa teng molelwane o ne o fetela kwa Luse kwa ntlheng ya borwa ya mmoto wa Luse, e bong Bethele. Jaanong molelwane o fologela kwa Aterothe-Atare, o tlhatlogela kwa thabeng e e mo ntlheng ya borwa ya Bethorone yo o kwa tlase. Jaanong molelwane o ne o thelela, o fapogela kwa borwa mo ntlheng ya bophirimatsatsi go tswa kwa thabeng e e lebaganyeng le Bethorone ntlheng ya borwa, o ya o khutla kwa Khiriathe-Baale, e bong Khiriathe-Jearime motse wa Bajuta. Ke lone lotlhakore lwa bophirimatsatsi. Mo ntlheng ya borwa go tswa kwa bofelong jwa Khiriathe-Jearime molelwane o ne o tswa kwa bophirimatsatsi, o fetela kwa motsweding wa metsi a Nefethoa. Jaanong molelwane o ne o fologela kwa bofelong jwa thaba e e lebaganyeng le mogorogoro wa Morwa Hinome e e mo leboeng la Barefaime ntlheng ya bokone; o be o fologela kwa mogorogorong wa ga Hinome, o ya kwa mfapheng wa thaba ya Bajebusi mo ntlheng ya borwa, o be o fologela kwa motsweding wa Rogele. Jaanong o ne o thelela o ya kwa bokone, o fetela kwa Motsweding wa Letsatsi, o be o fetela kwa marakeng a dithako a a lebaganyeng le phata ya Adumime, o be o fologela kwa lefikeng la ga Bohane morwa Rubene. O be o fetele kwa bokone kwa dithabeng tse di lebaganyeng le lebala la Joretane o be o fologela kwa lebaleng leo. Jaanong molelwane o ne o fetela kwa ntlheng ya bokone ya Bethogola, molelwane o be o felela fa sekhutlong sa Lewatle la Letswai ntlheng ya bokone kwa bofelong jwa Joretane kwa borwa. Ke ona molelwane wa kwa borwa. Joretane ke molelwane wa teng mo ntlheng ya botlhabatsatsi. Ke yona naga ya Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone le melelwane ya yona mo tikologong. Mme metse ya lotso lwa Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone e ne e le Jerigo le Bethogola le Emeke-Kesise le Betharaba le Semaraime le Bethele le Awime le Phara le Ofera le Kefare-Amoni le Ofeni le Geba. E ne e le metse e le 12 kwa ntle ga metsana ya yona. Le Gibeone le Rama le Beerothe le Mitsepha le Kefira le Mosa le Rekeme le Irefele le Thareala le Sela le Elefe le Jebusi, e bong Jerusalema le Gibeathe le Khiriathe. E ne e le metse e le 14 kwa ntle ga metsana ya yona. Ke yona kabelo ya Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone. Ga ba ga tswa tengwa ya bobedi ya ga Simeone ya lotso lwa Basimeone ka fa ditshikeng tsa bone, mme naga ya bone e ne e le mo gare ga naga ya Bajuta. Mo nageng ya bone ba abelwa Bereseba le fa e le Šeba le Molata le Hasare-Šuale le Bala le Eseme le Eletholate le Bethule le Horema le Sitlage le Bethe-Marekabothe le Hasare-Susa le Bethe-Lebaothe le Saruhene. E ne e le metse e le 13 kwa ntle ga metsana ya yona. Le Aine le Rimone le Ethere le Ašane. E ne e le metse e mene kwa ntle ga metsana ya yona. Le metsana yotlhe e e mo tikologong ya metse eo go ya go fitlha kwa Baalathe-Bere yo e leng Rama wa kwa borwa. Ke yona kabelo ya lotso lwa Basimeone, ka fa ditshikeng tsa bone. Kabelo ya Basimeone e ne e le karolo ya kabelo ya Bajuta. Gonne Bajuta ba ne ba fetilwe ke naga e kgolo ya bone. Ka moo Basimeone ba amogela boswa mo gare ga naga ya bone. Tengwa ya boraro ya tswela Basebulone ka fa ditshikeng tsa bone. Molelwane wa naga ya bone o ne o fitlha kwa Sarite. Jaanong molelwane wa bone o ne o tlhatlogela kwa bophirimatsatsi kwa Marala, o fitlha kwa Dabešethe, o be o ya kwa nokeng e e mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse wa Jokeneame. Mme go tswa kwa Sarite go ya kwa botlhabatsatsi molelwane o boela kwa nageng ya Kiselothe-Thabore; o be o fetela pele kwa Daberathe le go tlhatlogela kwa Jafia. Go tswa teng o ne o fetela kwa botlhabatsatsi kwa Gathe-Hefere le kwa Ethe-Kasine, o ya kwa Rimone, o be o sokologela kwa motseng wa Hanea. Jaanong molelwane o o potologa mo ntlheng ya bokone, o ya kwa Hanathone, o be o felela mo mogorogorong wa Ifethagele. Metse ya teng e le Katathe le Nahalale le Simerone le Itala le Betleheme, e bong metse e le 12 kwa ntle ga metsana ya yona. Ke yona kabelo ya Basebulone ka fa ditshikeng tsa bone, metse eo le metsana ya yona. Tengwa ya bone ya tswela Isašare, e bong Baisašare ka fa ditshikeng tsa bone. Mo nageng ya bone go ne go le Iserele le Kesulothe le Suneme le Hafaraime le Sione le Anaharathe le Rabithe le Kišione le Ebese le Remethe le Enganime le Enata le Bethe-Phasese. Naga ya bone e ne e fitlha kwa Thabore le kwa Sahasima le kwa Betšhemeše. Naga ya bone e be e felela kwa Joretane. E ne e le metse e le 16 kwa ntle ga metsana ya yona. Ke yona kabelo ya lotso lwa Baisašare ka fa ditshikeng tsa bone, metse eo le metsana ya yona. Tengwa ya botlhano ya tswela lotso lwa Baasere ka fa ditshikeng tsa bone. Naga ya bone e ne e le Helekathe le Hali le Betene le Agešafe le Alamelege le Ameate le Mišeale; e ne e fitlha kwa dithabeng tsa Karemele fa lewatleng le kwa Sigore-Lebenathe. Jaanong molelwane o ne o boela kwa botlhabatsatsi kwa Bethe-Dagone, o ama Sebulone le mogorogoro wa Ifethagele kwa bokone, o be o ya kwa Bethemeke le kwa Nehiele, o fetela pele mo ntlheng ya bokone kwa Kabule le Eberone le Rehobe le Hamone le Kana go ya go fitlha kwa Sitone yo mogolo. Jaanong molelwane o ne o sokologela kwa Rama le go fitlha kwa motseng o o femetsweng wa Tiro; molelwane o be o thelela o ya kwa Hosa, o be o felela fa lewatleng. Le Mahalebe le Agesibe le Uma le Afeke le Rehobe. E ne e le metse e le 22 kwa ntle ga metsana ya yona. Ke yona kabelo ya lotso lwa Baasere ka fa ditshikeng tsa bone, metse eo le metsana ya yona. Tengwa ya borataro ya tswela Banafetale ka fa ditshikeng tsa bone. Molelwane wa bone o ne o tswa kwa Helefe le kwa setlhareng sa eike se se kwa Saananime, o ya kwa Atami-Nekebe le Jabenele go fitlha kwa Lakhume, o felela kwa Joretane. Gape molelwane o ne o boela kwa bophirimatsatsi kwa Asenothe-Thabore; go tswa teng o ne o fetela pele kwa Hukoka, o amana le Sebulone kwa borwa, o amana le Asere kwa bophirimatsatsi; gape le Joretane kwa ntlheng ya botlhabatsatsi. Metse ya teng e e femetsweng e ne e le Sidime le Sere le Hamathe le Rakathe le Khinerethe le Atama le Rama le Hasore le Keteše le Eterei le Ene-Hasore le Ireone le Migetalele le Horema le Bethanathe le Betšhemeše. E ne e le metse e le 19 kwa ntle ga metsana ya yona. Ke yona kabelo ya lotso lwa Banafetale ka fa ditshikeng tsa bone, metse eo le metsana ya yona. Tengwa ya bosupa ya tswela Badane ka fa ditshikeng tsa bone. Kabelo ya naga ya bone e ne e na le metse ya Sorea le Ešethaole le Ire-Semese le Saalabine le Ayalone le Ithela le Elone le Thimenatha le Ekerone le Eletheke le Gibethone le Baalathe le Jehute le Bene-Berake le Gathe-Rimone le Majarekone le Rakone le naga e e lebaganyeng le Jafo. Mme naga ya Badane ya ba latlhegela. Ka moo Badane ba bolola, ba tlhasela motse wa Leseme, ba o thopa, ba o bolaya ka bogale jwa tšhaka, ba o rua, ba nna mo go ona. Mme Leseme ba o bitsa Dane ka leina la ga rraabo Dane. Ke yona kabelo ya lotso lwa Badane ka fa ditshikeng tsa bone, metse eo le metsana ya yona. Jaanong e rile ba sena go fetsa go aroganya lefatshe ka fa dikabelong tsa lone, Baiseraele ba naya Jošua morwa Nune kabelo mo gare ga bone. Ka fa taelong ya Morena ba mo naya motse o a o kopileng wa Thimenatshera mo dithabeng tsa Eferaime. Jaanong a agelela motse oo, a nna mo go ona. Ke tsona dikabelo tse ba di abetsweng ke Eleasare moperesiti le Jošua morwa Nune le ditlhogo tsa ditshika tsa ditso tsa Baiseraele ka tengwa mo Silo fa pele ga Morena fa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho. Ba fetsa jalo go abelana lefatshe. Jaanong Morena a bua le Jošua a re: “Bolelela Baiseraele o re: ‘Supang metse ya botshabelo mo go lona e ke buileng le lona ka ga yona ka Moše gore yo o bolaileng motho ka go fosa, e se ka bomo, a tle a tshabele teng; metse eo e tla nna botshabelo jwa lona go tshaba mmusolosi wa madi. Jaanong yo o tshabelang kwa go mongwe wa metse eo a a eme fa mojakong wa kgoro ya motse, a bolele kgang ya gagwe mo ditsebeng tsa bagolo ba motse oo, mme a ba mo tsholele kwa go bone mo motseng, ba mo nee manno gore a nne nabo. Mme e re fa mmusolosi wa madi a mo latelela, a ba se ka ba neela mmolai mo diatleng tsa gagwe; gonne o bolaile mongwe ka ene ka go sa itse, o ne a sa mo tlhoa. Jaanong a a nne mo motseng oo go ya a be a eme fa pele ga phuthego go sekisiwa; go ya moperesiti yo mogolo yo o tla bong a le teng ka sebaka seo a be a swe. Ke gona mmolai a ka boelang kwa gae, a tsene mo motseng wa ga gabo le mo lapeng labo, mo motseng o o tshabileng mo go ona.’ ” Ke fa ba tlhaola motse wa Keteše kwa Galelea mo dithabeng tsa Nafetale le Šegeme mo dithabeng tsa Eferaime le Khiriathe-Areba o e leng Heberone mo dithabeng tsa Juta. Mme kwa moseja ga Joretane go lebagana le Jerigo kwa botlhabatsatsi ba supa Besere mo nageng mo lebaleng la lotso lwa Rubene le Ramothe kwa Gileate mo nageng ya lotso lwa Gate le Golane kwa Basane mo nageng ya lotso lwa Manase. Ke yona metse e e beetsweng Baiseraele botlhe le baeng ba ba nnang mo gare ga bone gore mongwe le mongwe yo o bolaileng motho a sa ikaelela a tshabele teng, mme a se ka a swa ka seatla sa mmusolosi wa madi, a ise a eme fa pele ga phuthego. Jaanong ditlhogo tsa ditshika tsa Balefi tsa atamela kwa go Eleasare moperesiti le kwa go Jošua morwa Nune le kwa ditlhogong tsa ditshika tsa ditso tsa Iseraele tsa bua nabo mo Silo mo lefatsheng la Kanana tsa re: “Morena o laetse ka Moše gore re fiwe metse go nna mo go yona le mafulo a yona a diruiwa tsa rona.” Ke fa Baiseraele ba naya Balefi metse eo le mafulo a yona mo nageng ya bone ka fa taelong ya Morena. Jaanong tengwa ya tswela ditshika tsa ga Kahathe, mme bomorwa Arone moperesiti ba e leng Balefi ba abelwa metse e le 13 ka tengwa mo lotsong lwa ga Juta le lwa ga Simeone le lwa ga Benyamene. Mme ba bangwe ba losika lwa ga Kahathe ba abelwa metse e le some ka tengwa ka fa ditshikeng tsa bone mo lotsong lwa ga Eferaime le lwa ga Dane le lwa bontlhanngwe jwa ga Manase. Ba losika lwa ga Geresone ba abelwa metse e le 13 ka tengwa ka fa ditshikeng tsa bone mo lotsong lwa ga Isašare le lwa ga Asere le lwa ga Nafetale le lwa bontlhanngwe jwa ga Manase kwa Basane. Ba losika lwa ga Merari ba abelwa metse e le 12 ka fa ditshikeng tsa bone mo lotsong lwa ga Rubene le lwa ga Gate le lwa ga Sebulone. Baiseraele ba naya Balefi metse eo le mafulo a yona ka go tlhama tengwa jaaka Morena a laetse ka Moše. Mo lotsong lwa Bajuta le lwa Basimeone ba ne ba ntsha metse e e tla bolelwang ka maina. Yona ya nna ya bomorwa Arone ba e leng ba ditshika tsa ga Kahathe mongwe wa bomorwa Lefi; gonne tengwa ya ntlha e ne e le ya bone. Bone ba abelwa motse wa ga Areba, rraagwe Enake, o e leng Heberone mo dithabeng tsa Juta le mafulo a ona mo tikologong ya ona. Mme masimo a motse oo le metsana ya ona ba ne ba di neile Kalebe morwa Jefune go nna boswa jwa gagwe. Bomorwa moperesiti Arone ba newa motse wa botshabelo jwa babolai wa Heberone le mafulo a ona le wa Lebena le mafulo a ona le wa Jathire le mafulo a ona le wa Ešethemoa le mafulo a ona le wa Holone le mafulo a ona le wa Debire le mafulo a ona le wa Aine le mafulo a ona le wa Jota le mafulo a ona le wa Betšhemeše le mafulo a ona. Ke metse e e robongwe ya ditso tse pedi tseo. Mo lotsong lwa Benyamene ba newa motse wa Gibeone le mafulo a ona le wa Geba le mafulo a ona le wa Anathothe le mafulo a ona le wa Alemone le mafulo a ona. Ke metse e mene. Metse yotlhe ya bomorwa Arone baperesiti ke metse e le 13 le mafulo a yona. Ba bangwe ba losika lwa ga Kahathe, e bong Balefi ba ditshika tsa bomorwa Kahathe ba abelwa metse ya bone ka tengwa mo lotsong lwa Eferaime Ba newa motse wa botshabelo jwa babolai wa Šegeme le mafulo a ona mo dithabeng tsa Eferaime le wa Gesere le mafulo a ona le wa Kibesaime le mafulo a ona le wa Bethorone le mafulo a ona. Ke metse e mene. Mo lotsong lwa Dane ba newa wa Eletheke le mafulo a ona le wa Gibethone le mafulo a ona le wa Ayalone le mafulo a ona le wa Gathe-Rimone le mafulo a ona. Ke metse e mene. Mo bontlhanngweng jwa lotso lwa Manase ba newa wa Thaenage le mafulo a ona le wa Ibeleame le mafulo a ona. Metse yotlhe ya ditshika tsa Bakahathe ba bangwe ke e some le mafulo a yona. Bageresone ba e leng ba ditshika tsa Balefi mo bontlhanngweng jwa lotso lwa Manase ba fiwa motse wa botshabelo jwa babolai wa Golane kwa Basane le mafulo a ona le wa Beešethera le mafulo a ona. Ke metse e mebedi. Mo lotsong lwa Isašare ba fiwa wa Kišione le mafulo a ona le wa Daberathe le mafulo a ona le wa Jaremuthe le mafulo a ona le wa Enganime le mafulo a ona. Ke metse e mene. Mo lotsong lwa Asere ba fiwa wa Mišeale le mafulo a ona le wa Abetone le mafulo a ona le wa Helekathe le mafulo a ona le wa Rehobe le mafulo a ona. Ke metse e mene. Mo lotsong lwa Nafetale ba fiwa motse wa botshabelo jwa babolai wa Keteše mo Galelea le mafulo a ona le wa Hamothe-Dore le mafulo a ona le wa Karethane le mafulo a ona. Ke metse e meraro. Metse yotlhe ya Bageresone ka fa ditshikeng tsa bone ke metse e le 13 le mafulo a yona. Mme Balefi ba bangwe gape ba ditshika tsa Bamerari mo lotsong lwa Sebulone ba fiwa wa Jokeneame le mafulo a ona le wa Karetha le mafulo a ona le wa Dimena le mafulo a ona le wa Nahalale le mafulo a ona. Ke metse e mene. Kwa moseja ga Joretane go lebagana le Jerigo mo lotsong lwa Rubene ba fiwa motse wa botshabelo jwa babolai wa Besere le mafulo a ona le wa Jahase le mafulo a ona le wa Ketemothe le mafulo a ona le wa Mefaathe le mafulo a ona. Ke metse e mene. Mo lotsong lwa Gate ba fiwa motse wa botshabelo jwa babolai wa Ramothe kwa Gileate le mafulo a ona le wa Mahanaime le mafulo a ona le wa Hešebone le mafulo a ona le wa Jasere le mafulo a ona. Ke metse e mene mmogo. Metse yotlhe ya Bamerari ka fa ditshikeng tsa bone ba e leng ba ditshika tsa Balefi ba bangwe ke metse e e 12 e ba e bonyeng ka tengwa. Metse yotlhe ya Balefi mo dinageng tsa Baiseraele e ne e le metse e le 48 le mafulo a yona. Motse mongwe le mongwe wa metse eo wa bo o na le mafulo a ona mo tikologong ya ona. Go ne go ntse jalo mo metseng eo yotlhe. Morena o ne a naya Baiseraele lefatshe lotlhe jalo le a neng a le ikanetse borraabo go le ba naya. Ba le rua, ba nna mo go lone. Morena a ba naya boikhutso mo ntlheng tsotlhe fela jaaka a ikanetse borraabo, go se na ope mo babeng botlhe ba bone yo o ka emelanang nabo. Morena a neela baba botlhe ba bone mo diatleng tsa bone. Ga go a ka ga tlhaela sepe sa tse di molemo tse Morena o neng a di solofeditse Baiseraele. Tsa dirafala tsotlhe. Ya ba gona Jošua a bitsang Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase a ba raya a re: “Lo tshegeditse tsotlhe tse Moše, motlhanka wa Morena, o di lo laetseng, lwa utlwa lentswe la me mo go tsotlhe tse ke di lo laetseng. Ga lo a ka lwa tlogela ba ga lona mo malatsing a mantsi go fitlha letsatsing la kajeno; lo dirile ka tshwanelo ka fa taolong ya Morena, Modimo wa lona. Mme jaanong Morena, Modimo wa lona, o ikhutsisitse ba ga lona jaaka a ne a ba solofeditse. Ka moo he sokologang lo boele kwa malapeng a lona kwa lefatsheng la boswa jwa lona jo Moše, motlhanka wa Morena, o bo lo neileng kwa moseja ga Joretane. Fela lo ele tlhoko thata go dira ka fa taolong le ka fa molaong tse Moše, motlhanka wa Morena, a di o laetseng, gore lo rate Morena, Modimo wa lona, lo sepele mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, lo tshegetse ditaolo tsa gagwe, lo mo ineele, lo mo direle ka bojotlhe jwa dipelo tsa lona le jwa mewa ya lona.” Jošua a ba tshegofatsa jalo, a ba naya tsela, mme ba boela kwa malapeng a bone. Moše o ne a neile ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase boswa kwa Basane; mme Jošua ene a naya ba bontlhanngwe jo bongwe jwa lone boswa mmogo le ba ga bone ka kwano ga Joretane mo ntlheng ya bophirimatsatsi. Le gona ya re Jošua a ba naya tsela gore ba boele kwa malapeng a bone, a ba tshegofatsa, a ba raya a re: “Boelang kwa malapeng a lona ka dikhumo tse dikgolo le ka diruiwa tse dintsi thata le ka selefera le ka gouta le ka kgotlho le ka tshipi le ka diaparo tse dintsi gagolo, lo kgaogane tse lo di thopileng mo babeng ba lona le ba ga lona.” Ke fa Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba tlogela Baiseraele kwa Silo yo o mo lefatsheng la Kanana, ba boela kwa lefatsheng la Gileate kwa lefatsheng la boswa jwa bone le ba agileng mo go lone ka fa taelong ya Morena ka Moše. Jaanong ya re ba fitlha kwa marakeng a dithako fa Joretane a a mo lefatsheng la Kanana, Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba aga aletare teng fa thoko ga Joretane, ya nna aletare e kgolo e e bonalang kwa kgakala. Mme Baiseraele ba utlwa go twe: “Bonang, Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba agile aletare mo lefatsheng la Kanana kwa marakeng a dithako fa Joretane ka kwano mo ntlheng ya Baiseraele.” Ya re Baiseraele ba utlwa jalo, phuthego yotlhe ya bone ya phuthegela kwa Silo gore ba ba bololele ka mephato. Mme Baiseraele ba roma moperesiti Phinehase morwa Eleasare kwa go Barubene le Bagate le bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase kwa lefatsheng la Gileate. A ya a na le dikgosana di le some, lotso longwe le longwe lwa Baiseraele lo ntshitse kgosana e le nngwe ya malapa a lone. Nngwe le nngwe ya tsona e ne e le tlhogo ya dikgoro tsa bone mo ditsong tsa Iseraele. Jaanong ya re ba fitlha kwa go Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase kwa lefatsheng la Gileate, ba bua nabo ba re: “Phuthego yotlhe ya Morena e buile jaana ya re: ‘Boikanyologo jo ke jo bo ntseng jang jo lo tlhanogetseng Modimo wa Iseraele ka jona mo lo bileng lwa ikepa mo Moreneng kajeno ka go ikagela aletare le ka go tsogela Morena kajeno? A molato wa Pheore ga o ise o re lekane, o re iseng re o tlhape go fitlha letsatsing la kajeno, le fa petso e wetse phuthego ya Morena? Mme a lona lo rata go ikepa mo Moreneng kajeno? Ruri, fa lo tsogela Morena kajeno, kamoso o tla tukela phuthego yotlhe ya Iseraele bogale! Fa lo bona gore lefatshe la boswa jwa lona le itshekologile, tshelelang kwano lefatsheng le e leng la Morena le Tempelana ya Morena e leng mo go lone, lo age mo gare ga rona, mme lo se ka lwa tsogela Morena, le e seng go tsogela rona ka go ikagela aletare kwa ntle ga aletare ya Morena, Modimo wa rona. A ga ke re, e rile Agane morwa Sera a dirile ka boikanyologo ka go utswa tse di hutseditsweng go fisiwa, bogale jwa Morena jwa wela phuthego yotlhe ya Iseraele? Le gona ga a ka a swa a le esi ka ntlha ya molato wa gagwe.’ ” Ke fa Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba fetola ba raya ditlhogo tsa ditso tsa Iseraele ba re: “Modimo o o thata, Morena Modimo o o thata, Morena ene o a itse; Baiseraele le bone ba tla itse: Fa re dirile jalo ka go tsogela Morena le ka go mo tlogela, foo a a se ka a re thusa ka letsatsi le! Fa re ikagetse aletare go ikepa mo Moreneng fa e le go baya ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa dijo mo go yona fa e le go baya ditlhabelo tsa tebogo mo go yona foo a Morena ka esi a re beletse molato oo! Nnyaya! Re dirile jalo ka go boifa selo se le sengwe fela ra re: Ka metlha e e tlang bana ba lona ba ka botsa bana ba rona ba re: ‘Lo kopanelang le Morena, Modimo wa Iseraele? Kana Morena o beile molelwane wa Joretane fa gare ga rona le lona Barubene le lona Bagate! Lona ga lo na kabelo mo Moreneng!’ Mme bana ba lona ba ka timetsa bana ba rona jalo gore ba se ka ba tlhola ba boifa Morena. Ke ka moo re rileng: ‘A re ke re itireleng sesupo ka go aga aletare. Ga se ya ditlhabelo tse di fisiwang ga se ya ditlhabelo tsa tebogo! Ke bosupi fa gare ga rona le lona le fa gare ga ditshika tsa rona sehularong sa rona jwa go re, re tla tlhoafalela tirelo ya Morena fa pele ga gagwe ka ditlhabelo tsa phiso tsa rona le ka ditlhabelo tsa boitumelo tsa rona le ka ditlhabelo tsa tebogo tsa rona le bosupi jwa go re, bana ba lona ba se ka ba raya bana ba rona ka metlha e e tlang ba re: Ga lo ba Morena!’ Rona ra re: E tle e re ka metlha e e tlang, fa ba ka bua jalo le rona gongwe le bana ba rona, re tle re re: ‘Lebang moago wa aletare ya Morena e borraetsho ba e dirileng: Ga se ya ditlhabelo tsa phiso ga se ya ditlhabelo tsa tebogo ke bosupi fela fa gare ga rona le lona.’ A go nne kgakala le rona go ka tsogela Morena le go ka ikepa mo Moreneng kajeno ka go aga aletare ya ditlhabelo tsa phiso le ya ditshupelo tsa dijo le ya ditlhabelo tsa tebogo kwa ntle ga aletare ya Morena, Modimo wa rona, e e fa pele ga Tempelana ya ona.” Ya re Phinehase moperesiti le bagolo ba phuthego, e bong ditlhogo tsa ditso tsa Iseraele tse di nang nae ba utlwa mafoko a a builweng ke Barubene le Bagate le Bamanase, a ba kgatlha. Mme moperesiti Phinehase morwa Eleasare a raya Barubene le Bagate le Bamanase a re: “Kajeno re a lemoga gore Morena o na le rona. Gonne tse lo di dirileng e ne e se tsa go tlogela Morena ka boikanyologo. Jaanong lo pholositse Baiseraele mo diatleng tsa Morena.” Ke fa moperesiti Phinehase morwa Eleasare le dikgosana ba tlogela Barubene le Bagate ba boa kwa lefatsheng la Gileate, ba boela kwa lefatsheng la Kanana kwa Baiseraeleng, ba ba begela mafoko ao. A kgatlha Baiseraele, mme Baiseraele ba leboga Modimo; ba se ka ba tlhola ba re, ba ba bololela ka mephato go senya lefatshe le Barubene le Bagate ba agileng mo go lone. Mme Barubene le Bagate ba bitsa aletare e “Sesupo”. Gonne ba re: “Ke bosupi fa gare ga rona jwa go re: Morena ke ene Modimo.” E rile malatsi a mantsi a sena go feta, mme Morena a sena go agisa Baiseraele fa pele ga baba botlhe ba bone mo tikologong, Jošua ya bo e le monna mogolo, a tsofetse thata. Ke fa Jošua a bitsa Baiseraele botlhe le bagolo ba bone le ditlhogo tsa bone le baatlhodi ba bone le bakwaledi ba bone, a ba raya a re: “Ke monna mogolo, ke setse ke tsofetse. Lona ka losi lo bonye tsotlhe tse Morena, Modimo wa lona, o di diretseng ditšhaba tsotlhe tseo fa pele ga lona; gonne Morena, Modimo wa lona, o ne wa lo tlhabanela ka osi. Bonang, ditšhaba tse di setseng tse ke di lo abetse ka tengwa, lotso longwe le longwe lwa abelwa boswa jwa lone mmogo le ditšhaba tsotlhe tse ke di nyeleditseng go simolola kwa Joretane go ya go fitlha kwa lewatleng le legolo ntlheng ya bophirimatsatsi. Mme Morena, Modimo wa lona, ka osi o tla ba tshabisa fa pele ga lona, o ba leleka gore ba falale fa pele ga lona; lo tla rua lefatshe la bone jaaka Morena, Modimo wa lona, o lo solofeditse. Fela tiang thata go tshegetsa tsotlhe le go dira tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa molao wa ga Moše; se fapogeng mo go ona e seng ka go ya le letsogo le le jang le e seng ka go ya le la molema gore lo se ka lwa tlhakatlhakana le ditšhaba tseo tse di setseng mo go lona le e seng go umaka maina a medimo ya bone le e seng go ikana ka yona le e seng go e direla, le e seng go e obamela. Mme lo ineele Morena, Modimo wa lona, jaaka lo dirile go fitlha mo letsatsing la kajeno. Ka moo Morena o lelekile ditšhaba tse dikgolo tse di thata fa pele ga lona go se na ope yo o kgonneng go emelana le lona go fitlha letsatsing la kajeno. Monna a le mongwe wa lona o ne a khutšhela ba le sekete; gonne Morena, Modimo wa lona, o ne o lo tlhabanela ka osi jaaka o lo solofeditse. Itlhokomeleng thata ka ntlha ya maphelo a lona gore lo rate Morena, Modimo wa lona. Gonne fa lo ka boa ka morago, lwa kopana le masalela a ditšhaba tse, tse di setseng mo go lona, lwa nyalana nabo, lwa tlhakatlhakana nabo, foo itsetseng ruri gore Morena, Modimo wa lona, ga a kitla a tlhola a leleka ditšhaba tse fa pele ga lona, mme di tla lo fetogela serai le thaelo le thupa e e itayang ditlhakore tsa lona le mitlwa mo matlhong a lona go ya go fitlhelela lo latlhega, lo ntshiwa mo lefatsheng le le molemo le, le Morena, Modimo wa lona, o le lo neileng. “Bonang, nna kajeno ke wela mo tseleng ya batho botlhe, mme lo tshwanetse go lemoga ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, fa go sa tlhaela sepe sa dilo tsotlhe tse di molemo, tse Morena, Modimo wa lona, o di lo solofeditseng. Di lo dirafaletse tsotlhe. Ga go a tlhokafala sepe sa tsona. Dilo tsotlhe tse di molemo tse Morena, Modimo wa lona, o neng o di lo solofeditse di lo dirafaletse! Mme Morena o tla lo dirafaletsa dilo tsotlhe tse di bosula fela jalo go ya go fitlhelela a be a lo nyeletse, a lo tlose mo nageng e e molemo e, e Morena, Modimo wa lona, o e lo neileng fa lo ka senya kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, e o e lo laetseng lwa ya lwa direla medimo e sele lwa e obamela; foo bogale jwa Morena bo tla lo tukela, mme lo tla latlhega ka pele, lo tlosiwa mo lefatsheng le le molemo le o le lo neileng.” Jošua a ba a phuthela ditso tsotlhe tsa Iseraele kwa Šegeme, a bitsa bagolo ba Baiseraele le ditlhogo tsa bone le baatlhodi ba bone le bakwaledi ba bone. Ba tla ba eme fa pele ga Modimo. Ke fa Jošua a raya morafe otlhe a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bogologolo borraeno ba ne ba agile kwa moseja ga noka ya Ferathe, e bong Thara rraagwe Aborahame le rraagwe Nahore, ba direla medimo e sele. Mme ke tsere rraeno Aborahame kwa moseja ga noka ya Ferathe, ka mo tsamaisa mo lefatsheng lotlhe la Kanana, ka atisa losika lwa gagwe, ka mo naya Isaka. Mme Isaka ka mo naya Jakobe le Esau. Ka naya Esau dithaba tsa Seire gore e nne tsa gagwe. Mme Jakobe le bana ba gagwe ba ya kwa Egepeto. Ka roma Moše le Arone, ka betsa Baegepeto jaaka ke dirile mo go bone. Morago ga moo ka lo ntsha teng. Ka ntsha borraeno kwa Egepeto, lwa fitlha fa lewatleng, mme Baegepeto ba latelela borraeno ka dikoloi tsa ntwa le ka bapalami kwa Lewatleng la Motlhaka. Ke fa ba lelela Moreneng, mme a baya lefifi fa gare ga lona le Baegepeto, a ba nwetsa mo lewatleng, la ba bipa. Matlho a lona a bonye tse ke di diretseng Baegepeto. Jaanong lwa nna mo sekakeng malatsi a mantsi. “ ‘Morago ga moo ka lo isa kwa lefatsheng la Baamori ba ba neng ba agile kwa moseja ga Joretane; ba tlhabana le lona, mme ka ba neela mo diatleng tsa lona, lwa thopa lefatshe la bone, ka ba nyeletsa fa pele ga lona. Ga tsoga Balake morwa Siphore, kgosi ya Moabe, a lwa le Iseraele; a roma a bitsa Bileame morwa Beore gore a lo hutse. Mme ka gana go utlwa Bileame, mo a bileng a lo tshegofatsa; ka lo pholosa jalo mo diatleng tsa gagwe. Mme ya re lo tshela Joretane, lo fitlha kwa Jerigo, beng ba Jerigo ba tlhabana le lona, bone Baamori le Baferesi le Bakanana le Bahethe le Bagiregasi le Bahewi le Bajebusi, mme ka ba neela mo diatleng tsa lona. Ka roma mefu, ya lo etelela pele, ya ba leleka gore ba lo tshabe jaaka dikgosi tse pedi tsa Baamori, e se ka ditšhaka tsa lona le e seng ka mara a lona. Ka lo naya lefatshe le lo sa itapisang ka lone le metse e lo sa e agang; lo nna mo go yona. Lo ja masimo a moweine le ditlhare tsa olefa tse lo sa di jwalang.’ “Jaanong he, boifang Morena, lo mo direle ka nnete le ka boikanyego! Tlosang medimo e borraeno ba neng ba e direla kwa moseja ga noka ya Ferathe le kwa Egepeto, lo direle Morena. Mme fa e le bosula mo matlhong a lona go direla Morena, itlhopheleng kajeno yo lo ratang go mo direla, a medimo e borraeno ba neng ba e direla ba le kwa moseja ga noka ya Ferathe kampo medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone, mme nna le ba lapa la me re tla direla Morena.” Ke fa morafe o araba o re: “A go nne kgakala le rona go ka tlogela Morena le go ka direla medimo e sele. Gonne Morena ke Modimo wa rona; ke ona o o re ntshitseng le borraetsho kwa lefatsheng la Egepeto kwa ntlong ya botlhanka; ke ona o o dirileng ditshupo tse dikgolo tsele mo matlhong a rona; ke ona o o re bolokileng mo tseleng yotlhe e re e tsamaileng le mo merafeng yotlhe e re neng re e raletse. Ke ene Morena yo o lelekileng merafe yotlhe eo le Baamori, baagi ba lefatshe le fa pele ga rona. Le rona re rata go direla Morena; gonne ke ene Modimo wa rona.” Mme Jošua a raya morafe a re: “Ga lo ne lo kgona go direla Morena; gonne ene ke Modimo o o boitshepo, ke Modimo o o lefufa; ga o kitla o lo itshwarela ditlolo tsa lona le maleo a lona. Gonne fa lo ka tlogela Morena, lwa direla medimo e sele, o tla lo fetogela, a lo direla tse di botlhoko, a lo nyeletsa a sena go lo direla tse di molemo.” Mme morafe wa raya Jošua wa re: “Nnyaya, re tla direla Morena.” Ke fa Jošua a raya morafe a re: “Lona lo itshupela ka losi, fa lo itlhophetse Morena go mo direla.” Ba re: “Ee, re a itshupela.” “Ka moo he tlosang medimo e sele e e mo go lona, mme a dipelo tsa lona di sekamele ka fa Moreneng, Modimo wa Iseraele!” Ke fa morafe o raya Jošua o re: “Re tla direla Morena, Modimo wa rona, re utlwa lentswe la ona.” Jošua a tlhomamisetsa morafe kgolagano ya Modimo jalo ka letsatsi leo, a o beela molao le ngwao kwa Šegeme. Jošua a ba a kwala mafoko ao mo lokwalong lwa molao wa Modimo, a ba a tsaya letlapa le legolo, a le tlhoma teng fa tlase ga setlhare sa eike, se se fa Tempelaneng ya Morena. Mme Jošua a raya morafe otlhe a re: “Bonang, letlapa le e tla nna mosupi ka ga rona; gonne le utlwile mafoko otlhe a Morena a o a buileng le rona; le gona e tla nna mosupi ka ga lona, e se re gongwe lwa itatola Modimo wa lona.” Ke fa Jošua a naya morafe tsela, mongwe le mongwe a boela kwa legaeng la gagwe. Mme morago ga dilo tseo Jošua morwa Nune motlhanka wa Morena a swa a le dinyaga di le 110. Ba mo fitlha mo nageng ya gagwe kwa Thimenatshera e e kwa dithabeng tsa Eferaime ntlheng ya bokone ya thaba ya Gaaše. Baiseraele ba ne ba direla Morena ka malatsi otlhe a ga Jošua le ka malatsi otlhe a bagolo ba ba neng ba phela sebaka se seleele sehularong sa ga Jošua, e le ba ba itseng ditiro tsotlhe tsa Morena tse o di diretseng Baiseraele. Le marapo a ga Josefa a Baiseraele ba duleng nao kwa Egepeto ba a fitlha mo Šegeme mo karolong ya tshimo e Jakobe o neng a e rekile mo go bomorwa Hemore rraagwe Šegeme ka dipapetlana tsa madi di le kgolo, a ba a e naya Josefa go nna boswa. Le Eleasare morwa Arone, e rile a swa, ba mo fitlha mo motseng wa Gibea wa ga Phinehase morwawe, o a o filweng kwa dithabeng tsa ga Eferaime. E rile morago ga loso lwa ga Jošua Baiseraele ba botsa Morena ba re: “Ke mang mo go rona yo o tshwanetseng go bololela Bakanana pele go tlhabana nabo?” Morena a re: “A go bolole Juta! Bonang, ke neetse lefatshe mo diatleng tsa gagwe.” Ke fa Juta a raya mogolowe Simeone a re: “Bololela le nna kwa nageng ya me, re ye go tlhabana le Bakanana! Le nna ke tla ya nao kwa nageng ya gago.” Mme Simeone a ya nae. Ya re Bajuta ba bolola Morena a neela Bakanana le Baferesi mo diatleng tsa bone; ba bolaya banna ba le 10 000 ba bone kwa Beseke. Ba fitlhela kgosi Atoni-Beseke a le mo Beseke, ba tlhabana nae, ba fenya Bakanana bao le Baferesi bao. Fela Atoni-Beseke a tshaba, mme ba mo latelela, ba mo tshwara, ba mo kgaola menwana ya kgonotšwe ya diatla le ya dinao. Ke fa Atoni-Beseke a re: “Dikgosi tse di 70 tse di kgaotsweng menwana ya kgonotšwe ya diatla le ya dinao di ne di sela matlhotlhora fa tlase ga lobati lwa bojelo lwa me. Jaanong Modimo o mpusoloseditse ka tse ke di dirileng.” Ba mo isa kwa Jerusalema, a swela gona. Jaanong Bajuta ba tlhasela Jerusalema, ba mo thopa, ba bolaya baagi ba teng ka bogale jwa tšhaka, ba fisa motse ka molelo. Morago ga moo Bajuta ba ya go tlhabana le Bakanana ba ba neng ba agile kwa dithabeng le kwa borwa le mo nageng e e kwa tlase. Bajuta ba be ba bololela Bakanana ba ba neng ba agile kwa Heberone – leina la Heberone pele e ne e le Khiriathe-Areba – ba fenya Sesai le Ahimane le Thalemai. Go tswa teng ba bololela baagi ba Debire, mme leina la Debire pele e ne e le Khiriatshefere. Ke fa Kalebe a re: “Yo o ka fenyang Khiriatshefere, a mo thopa, ke tla mo neela morwadiake Agesa go nna mosadi wa gagwe.” Ke fa Otheniele morwa Kenase, monnaa Kalebe, a mo thopa. Jaanong a mo neela morwadie Agesa go nna mosadi wa gagwe. Jaanong ya re Agesa a tla kwa go ene, Otheniele a mo tlhotlheletsa gore a lope tshimo mo go rraagwe. Ke fa Agesa a fologa ka pele mo eseleng, mme Kalebe a mmotsa a re: “Go rileng?” Agesa a mo raya a re: “Mphe lesego la go ntsamaisa sentle; e re ka o mpeile kwa nageng e e sekaka ya borwa, ke kopa gore o mphe le metswedi ya metsi.” Ke fa Kalebe a mo naya metswedi e e kwa godimo le e e kwa tlase. Mme bomorwa Hobabe wa Mokeni kgaitsadia mosadi wa ga Moše ba ne ba bolotse kwa Motseng wa Mekolane mmogo le Bajuta, ba ya kwa sekakeng sa Juta se se mo ntlheng ya borwa ya motse wa Arate. Ba ya ba nna mmogo le morafe. Mme Juta a ya a na le Simeone morwa-rraagwe, ba fenya Bakanana ba ba neng ba agile kwa Sefathe; motse o ba o senya ka khutso ya Modimo, ba o taya leina la Horema. Mme Bajuta ba palelwa ke go thopa Gasa le naga ya teng le Ašekalone le naga ya teng le Ekerone le naga ya teng. Mme Morena a bo a na le Bajuta, mo ba bileng ba thopa dithaba; gonne ba ne ba sa kgone go leleka baagi ba naga e e kwa tlase, ka bone ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi. Kalebe a abelwa Heberone jaaka Moše a laetse, mme a leleka bomorwa ba bararo ba ga Enake teng. Babenyamene ba se ka ba leleka Bajebusi ba ba neng ba agile kwa Jerusalema. Bajebusi ba nna jalo mmogo le Babenyamene mo Jerusalema go fitlha letsatsing la kajeno. Bajosefa le bone ba ne ba bololela Bethele, mme Morena a bo a na nabo. Jaanong e rile Bajosefa ba ntse ba tlhola Bethele – gale leina la motse oo e ne e le Luse – batlhodi ba bona monna a tswa mo motseng, ba mo raya ba re: “A ko o re bontshe fa go tsenwang teng mo motseng. Foo re tla go direla ka bopelotlhomogi.” A ba bontsha fa go tsenwang teng mo motseng, mme ba itaya motse ka bogale jwa tšhaka, mme monna yole le ba losika lwa gagwe botlhe ba ba naya tsela. Monna yole a ya kwa lefatsheng la Bahethe, a aga motse, a o bitsa Luse. E sa ntse e le leina la ona le gompieno. Mme Bamanase ba se ka ba leleka baagi ba Betšheane le ba metsana ya teng le ba Thaenage le ba metsana ya teng le ba Dore le ba metsana ya teng le ba Ibeleame le ba metsana ya teng le ba Megito le ba metsana ya teng. Bakanana ba kgona jalo go nna mo lefatsheng le. Mme e rile Baiseraele ba sena go tia, ba dira masalela a Bakanana balala, mme go leleka ba se ka ba ba leleka. Baeferaime le bone ba se ka ba leleka Bakanana ba ba neng ba agile kwa Gesere. Bakanana ba nna mo gare ga bone kwa Gesere. Le Basebulone ba se ka ba leleka baagi ba Kiterone le baagi ba Nahalole, mme Bakanana ba nna mo gare ga bone, ya nna balala. Le Baasere ba se ka ba leleka baagi ba Ako le baagi ba Sitone le ba Ahelabe le ba Agesibe le ba Heleba le ba Afike le ba Rehobe, mme Baasere ba nna mo gare ga Bakanana ba ba neng ba agile mo lefatsheng pele ka ba se ka ba ba leleka. Le Banafetale ba se ka ba leleka baagi ba Betšhemeše le baagi ba Bethanathe; ba nna jalo mo gare ga Bakanana baagi ba lefatshe. Mme baagi ba Betšhemeše le ba Bethanathe ba nna balala ba bone. Mme Baamori ba ne ba patikelela Badane kwa dithabeng, gonne ba ne ba sa ba dumelele go fologela kwa lebaleng. Baamori ba kgona jalo go nna kwa Hare-Herese le kwa Ayalone le kwa Saalebime. Mme diatla tsa Bajosefa tsa ba imela, ba nna balala ba bone. Kana molelwane wa Baamori o ne o tswa kwa Phateng-ya-Diphepheng le kwa Sela, o be o tlhatlogela pele. Moengele wa Morena o ne a bolola kwa Gilegala, a tla kwa Bogime a re: “Ke lo ntshitse kwa Egepeto, ka lo fitlhisa mo lefatsheng le ke neng ke ikanetse borraeno ka lone ka re: ‘Ga nkitla ke senya kgolagano ya me le lona ka bosakhutleng.’ Ka re: ‘Lona lo se ka lwa dira kgolagano le baagi ba lefatshe le, mme lo dige dialetare tsa bone,’ mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me. Ke eng se lo se dirileng? Ke ka moo le nna ke reng: Ga nkitla ke ba leleka fa pele ga lona gore ba lo bogise, mme medimo ya bone e nne thaelo mo go lona.” E rile moengele wa Morena a sena go bolelela Baiseraele botlhe mafoko ao batho ba tlhatlosa mantswe, ba lela; ba taya felo foo leina la Bogime, ba direla Morena ditlhabelo teng. E rile Jošua a sena go naya morafe tsela, mongwe le mongwe a boela kwa nageng ya boswa jwa gagwe go rua lefatshe. Morafe wa direla Morena ka malatsi otlhe a ga Jošua le ka malatsi otlhe a bagolo ba ba neng ba phela sebaka se seleele sehularong sa ga Jošua ba ba bonyeng ditiro tse dikgolo tsotlhe tsa Morena tse o di diretseng Baiseraele. Jaanong e rile Jošua morwa Nune motlhanka wa Morena a sena go swa, a le dinyaga di le 110, ba mo fitlha mo nageng ya boswa jwa gagwe kwa Thimenatherese kwa dithabeng tsa ga Eferaime mo ntlheng ya bokone ya thaba ya Gaaše. Ya re botlhe ba metlha ele ba sena go gorosiwa kwa go borraabo, ga tsoga ba bašwa sehularong sa bone ba ba sa itseng Morena le e seng ditiro tse o di diretseng Baiseraele. Ke fa Baiseraele ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba direla boBaale, ba tlogela Morena, Modimo wa borraabo, yo o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba latela medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya bone, ba e obamela, ba gakatsa Morena ka go dira jalo. Mme e ne ya re fa ba tlogela Morena, ba direla Baale le boAšethorethe, Morena a tukele Baiseraele bogale, a ba neele mo diatleng tsa bathukhuthi, ba ba thukhuthe dilo, a ba rekise mo diatleng tsa baba ba bone tikologong, mo ba neng ba sa tlhole ba kgona go emelana le baba ba bone. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba tswela teng seatla sa Morena se ne se lwa nabo go ba direla tse di botlhoko, jaaka Morena a ne a boletse le jaaka Morena a ne a ba ikanetse. Mme e ne ya re fa ba le mo tlalelong e kgolo. Morena a ba tsosetse baatlhodi, ba ba golole mo diatleng tsa bathukhuthi ba bone. Fela le baatlhodi ba bone Baiseraele ba se ka ba ba utlwa; gonne ba ne ba dira boaka ka go latela medimo e sele, ba e obamela. Ba fapoga ka pele mo tseleng e borraabo ba neng ba sepetse mo go yona ka go utlwa ditaolo tsa Morena. Bone ba se ka ba dira jalo. Mme e ne ya re fa Morena a ba tsosetsa baatlhodi, Morena a nne le baatlhodi, a ba golole mo diatleng tsa baba ba bone ka malatsi aotlhe a moatlhodi. Ka gonne Morena o ne a ba tlhomogela pelo, fa ba ledisiwa ke ba ba ba pitlaganyang, ba ba gatelela. Fela e ne ya re fa moatlhodi a swa, ba boele kwa morago, ba senye bogolo go borraabo ka go latela medimo e sele, ba e direle, ba e obamele. Ba se ke ba tlogele sepe sa ditiro tsa bone le sa tsamao ya bone ya botlhogoethata. Ka moo Morena a tukela Baiseraele bogale a re: “E re ka setšhaba se, se tlodile kgolagano ya me e ke e laetseng borraabo, sa se ka sa utlwa lentswe la me, le nna ga nkitla ke tlhola ke leleka ope fa pele ga bone wa ditšhaba tse Jošua o neng a di tlogela, jale fa a swa gore ke tle ke leke Baiseraele ka tsona, ke bone gore a ba tla tlhokomela ditsela tsa Morena go sepela mo go tsona jaaka borraabo ba di tlhokometse gongwe nnyaya.” Morena a sadisa ditšhaba tseo jalo, a se ka a di leleka ka pele le e seng go di neela mo diatleng tsa ga Jošua. Mme ditšhaba tse Morena o neng a di sadisa gore ka tsona a leke Baiseraele botlhe ba ba neng ba sa itse dintwa tsotlhe tsa Kanana, ke tse: (E ne e le ka ntlha ya tlhalefo ya ditshika tsa Baiseraele fela go ba ruta tlhabano; bone fela ba ba neng ba sa e itse pele ga foo.) Ke dikgosi tse tlhano tsa Bafelesita le Bakanana le Basitone le Bahewi botlhe ba ba neng ba agile kwa dithabeng tsa Lebanone go tswa thabeng ya Baale-Heremone go ya go fitlha kwa Hamathe. Tsone tsa sala, e le go leka Baiseraele ka tsone, go tle go bonwe gore a ba tla utlwa ditaolo tsa Morena tse o di laetseng borraabo ka Moše. Jaanong e rile Baiseraele ba ntse ba agile mo gare ga Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ba tsaya bomorwadia merafe eo go nna basadi ba bone; gape ba neela bomorwa merafe eo bomorwadia-bone, ba be ba direla medimo ya yona. Jaanong Baiseraele ba nna ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba lebala Morena, Modimo wa bone, ba direla boBaale le boAšera. Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Baiseraele, mme a ba rekisa mo diatleng tsa ga Khušane-Rišathaime, kgosi ya Mesopotamia. Jaanong Baiseraele ba direla Khušane-Rišathaime dinyaga di le robedi. Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng, a ba tsosetsa mogolodi yo o neng a ba golola, e bong Otheniele, morwa Kenase, monnaa Kalebe. Mowa wa Morena wa tsena mo go ene, a siamisa Baiseraele, a bolola go ya mo ntweng, mme Morena a neela Khušane-Rišathaime kgosi ya Mesopotamia mo diatleng tsa gagwe; letsogo la gagwe la fenya Khušane-Rišathaime. Mme lefatshe la nna mo kagisong dinyaga di le 40. Ke fa Otheniele morwa Kenase a swa. Fela Baiseraele ba boela gape go dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a tiisa Egelone kgosi ya Moabe gore a ba bogise; ka gonne ba ne ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. A ba a iphuthela Baamone le Baamaleke, a ya go itaya Baiseraele, a thopa Motse wa Mekolane. Jaanong Baiseraele ba direla Egelone kgosi ya Moabe dinyaga di le 18. Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng a ba tsosetsa gape mopholosi, e bong Ehute, morwa Gera wa Mobenyamene, monna yo o molema. Baiseraele ba ne ba romela lekgetho kwa go Egelone kgosi ya Moabe ka ene. Jaanong Ehute a itirela tšhaka e e magale-mabedi ya boleele jwa letsogo, a e tlama ka fa teng ga diaparo tsa gagwe fa seropeng sa le le jang; a ba a isa lekgetho kwa go Egelone kgosi ya Moabe. Mme Egelone e ne e le monna yo o nonneng thata. Jaanong ya re a sena go gorosa lekgetho, a felegetsa batho ba ba neng ba rwele lekgetho. Morago a boa kwa ditshwantshong tsa medimo tse di mo Gilegala, a boela kwa kgosing, a feta a re: “Ke go tletse lefoko la sephiri, wena kgosi.” Ke fa e re: “Didimalang!” Mme botlhe ba ba neng ba eme fa go yona ba tswela kwa ntle. Ya re Ehute a tsena kwa go yona, yona ya bo e dutse mo ntlwaneng e e kwa godimo e e tsiditsanyana e e leng ya yona e le yosi. Ehute a re: “Ke go tletse taelo ya Modimo.” Ke fa e nanoga mo sedulong sa yona sa bogosi. Mme Ehute a tsenya letsogo la molema la gagwe, a somola tšhaka fa seropeng sa le le jang, a e tlhaba mo mpeng ya yona. Ya tsena le mhinyana, wa latela bogale. Mme mafura a bipa bogale, ka a se ka a somola tšhaka mo mpeng ya yona, ya phunyeletsa ka kwa morago. Jaanong Ehute a tswela kwa mathuding, a tswala setswalo sa ntlwana e e kwa godimo fa morago ga gagwe, a se lotlela. Ya re a sena go tswela kwa ntle, batlhanka ba yona ba tla, ba bona setswalo sa ntlwana e e kwa godimo se lotletswe ba re: “Kooteng e ithomile fela mo ntlwaneng e e tsiditsanyana.” Ba e emela sebaka go fitlhelela ba fela pelo, mme ya se ka ya bula setswalo sa ntlwana e e kwa godimo. Jaanong ba tsaya selotlele, ba bula, ba fitlhela morena wa bone a wetse fa fatshe a sule. Mme Ehute o ne a falola, ba sa ntse ba diegile jalo, a feta fa ditshwantshong tsa medimo, a tshabela kwa Seira. Ya re a sena go fitlha, a letsa lonaka mo dithabeng tsa Eferaime. Ke fa Baiseraele ba fologa nae mo dithabeng, ene a ba eteletse pele. Mme a ba raya a re: “Ntshaleng morago, gonne Morena o neetse Bamoabe, baba ba lona, mo diatleng tsa lona.” Ba fologa, ba mo sala morago, ba tseela Bamoabe matsibogo a Joretane, ba sa dumelele ope go tshela. Ka nako eo ba bolaya Bamoabe ba e ka nnang ba le 10 000; botlhe e le batlhabani ba ba tiileng, ga se ka ga falola ope. Bamoabe ba ne ba kokobediwa jalo ka letsatsi leo fa tlase ga dinao tsa Baiseraele, mme lefatshe la nna mo kagisong dinyaga di le 80. Morago ga gagwe ga bo go le Samegare morwa Anathe yo o neng a bolaya banna ba le 600 ba Bafelesita ka lešwane la dipholo. Le ene a golola Baiseraele jalo. Mme e rile Ehute a sena go swa, Baiseraele ba boela gape go dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba rekisa mo diatleng tsa ga Jabine kgosi ya Bakanana, yo mošate wa gagwe e neng e le Hasore. Molaodi wa mephato ya gagwe e ne e le Sisera yo o neng a agile kwa Harošethe wa baheitane. Mme Baiseraele ba lelela Moreneng; gonne Jabine o ne a na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi di le 900, a gatelela Baiseraele ka thata dinyaga di le 20. Jaanong ka sebaka seo Debora moporofeti wa sesadi, mogatsa Laphitothe, a atlhola Baiseraele. O ne a nna fa tlase ga Mokolane wa ga Debora fa gare ga Rama le Bethele mo dithabeng tsa Eferaime, mme Baiseraele ba ntse ba ya kwa go ene, ba batla go sekwa. Jaanong ene a roma, a bitsa Barake morwa Abinoame kwa Keteše nageng ya ga Nafetale, a mo raya a re: “Ruri, Morena, Modimo wa Iseraele, o go laetse a re: ‘Tloga o ye kwa thabeng ya Thabore, o tsee banna ba le 10 000 ba Banafetale le ba Basebulone ba ye nao. Ke tla gogela Sisera molaodi wa mephato ya ga Jabine kwa go wena kwa nokaneng ya Kisone mmogo le dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le bontsi jwa gagwe, ke mo neela mo diatleng tsa gago.’ ” Barake a mo araba a re: “Fa o ya le nna, ke tla ya; mme fa o sa ye le nna ga ke ye.” Debora a mo raya a re: “Go siame, ke tla ya nao. Fela foo tlotlo ga e nna ya gago mo tseleng e o e tsamayang; gonne Morena o tla rekisa Sisera mo diatleng tsa mosadi.” Mme Debora a nanoga, a ya le Barake kwa Keteše. Mme Barake a kua Basebulone le Banafetale go tla kwa Keteše, a ba a bolola a na le banna ba le 10 000; le Debora a bolola nae. Jaanong Hebere wa Mokeni o ne a kgaoganye le Bakeni ba e leng bomorwa Hobabe, kgaitsadia mosadi wa ga Moše, a nna a tlhoma tente ya gagwe go ya go fitlha kwa setlhareng sa eike mo Saananime gaufi le Keteše. Ke fa Sisera a begelwa go twe: “Barake morwa Abinoame o tlhatlogetse mo thabeng ya Thabore.” Jaanong Sisera a kua dikoloi tsotlhe tsa ntwa tsa gagwe, e le dikoloi tsa tshipi di le 900 le banna botlhe ba batlhabani ba na nae, a ba bolotsa mo Harošethe wa baheitane, a ba isa kwa nokaneng ya Kisone. Ke fa Debora a raya Barake a re: “Nanoga, gonne ke lone letsatsi le Morena o neetseng Sisera mo diatleng tsa gago ka lone. Ruri, Morena o bolotse, o go etelela pele!” Barake a fologa mo thabeng ya Thabore a na le banna ba le 10 000. Mme Morena a raraanya Sisera le dikoloi tsotlhe tsa ntwa le mephato yotlhe ka bogale jwa tšhaka fa pele ga Barake. Ke fa Sisera a fologa mo koloing, a tshaba ka dinao. Mme Barake a tebela dikoloi tsa ntwa le mephato yotlhe go ya kwa Harošethe wa baheitane; mephato yotlhe ya ga Sisera ya wa ka bogale jwa tšhaka, ga se ka ga sala ope. Sisera ene a tshaba ka dinao, a fitlha kwa tenteng ya ga Jaele mosadi wa ga Hebere wa Mokeni. Gonne go ne go le kagiso fa gare ga Jabine kgosi ya Hasore le ba lapa la ga Hebere wa Mokeni. Jaele a tswela kwa ntle, a kgatlhantsha Sisera, a mo raya a re: “Fapogela kwano, morena wa me, fapogela go nna, o se boife!” A fapogela kwa go ene mo tenteng, mme Jaele a mo khurumetsa ka kobo. Sisera a mo raya a re: “A ko o nnose metsinyana, gonne ke nyorilwe.” Jaele a thibolola lekuka la mašwi, a mo nosa, a ba a mo khurumetsa gape. Sisera a mo raya a re: “Ema fa mojakong wa tente, mme e re fa monna a ka tla, a go botsa a re: ‘A go monna ka moo?’ o fetole o re: ‘Ga a yo.’ ” Mme Jaele mosadi wa ga Hebere a tsaya lomapo lwa tente, a tshwara noto ka seatla, a tsena kwa go ene sephiring, a mo kokotela lomapo mo letlhwaneng, lwa ba lwa phololela, lwa tsena fa fatshe, ene a ntse a thulametse, a feletswe ke thata, mme a swa. Ya baa gona go fitlhang Barake, a lateletse Sisera, mme Jaele a tswela kwa ntle, a mo kgatlhantsha, a mo raya a re: “Tlaya, ke tla go bontsha monna yo ò mmatlang.” A tsena kwa go ene, a fitlhela Sisera a namaletse fa fatshe a sule; lomapo lo le mo letlhwaneng la gagwe. Modimo o ne wa kokobetsa Jabine kgosi ya Bakanana jalo fa pele ga Baiseraele ka letsatsi leo. Mme mabogo a Baiseraele a nna a tswelela pele go imela Jabine kgosi ya Bakanana ga tsamaya ba nyeletsa Jabine kgosi ya Bakanana. Ka letsatsi leo Debora le Barake morwa Abinoame ba boka ba re: “E re ka bagogi ba ne ba etelela Baiseraele pele, le morafe o utlwa ka bopelotshweu, bokang Morena! Utlwang lona dikgosi! Sekegang ditsebe lona dikgosana! Nna ke tla opelela Morena, ke leletsa Morena Modimo wa Iseraele. Morena, e rile fa o tswa kwa Seire, ya re o gata o tlhaga nageng ya Etomo lefatshe la roroma, magodimo a rotha, maru a rotha metsi. Dithaba tsa reketla fa pele ga Morena, thaba eo ya Sinai fa pele ga Morena, Modimo wa Iseraele. Mo malatsing a ga Samegare morwa Anathe, mo malatsing a ga Jaele ditsela di ne di le senya; baeti ba tsamaya mo ditselaneng tse di kwa thoko tse di metsopodia. Go ne go tlhokafala babusi mo Iseraeleng, ba tlhokafala ga tsamaya ka tsoga, nna Debora, ka tsoga ke le Mma-Iseraele. E rile ba ineela medimo e mešwa, ga nna tlhabano mo dikgorong; thebe le lerumo tsa bo di sa bonale mo diketeng tse di 40 tsa Iseraele. Pelo ya me e goga le balaodi ba Iseraele ba ba ineetseng ka bopelotshweu mo gare ga morafe. Bakang Morena! Ba lo palameng diesele tse ditshwaana, ba lo dutseng mo diphateng tse di logilweng, ba lo sepelang mo tseleng: Akanyang! Ka ntlha ya mantswe a ba ba binang mo gare ga digopo, ba boka teng ditiro tse di siameng tsa Morena, ditiro tsa pholoso tsa puso ya gagwe mo Iseraeleng. Ke fa morafe wa Morena o fologela kwa dikgorong. Tsoga! Tsoga, Debora! Tsoga, tsoga, o tlhabe sefela! Nanoga, Barake, o ise batshwarwi ba gago mo botshwarong, wena morwa Abinoame. Ke fa masalela a batlotlegi ba morafe a fologa; Morena a fologa go nthusa a le mo gare ga bagale. Ba tswa kwa Eferaime ba ba agileng mo nageng ya Amaleke; Babenyamene ba go latela mo gare ga batlhabani ba gago; balaodi ba fologa kwa Magire; ba ba bololang ba latetse thobane ya molaodi wa batlhabani, ba tswa kwa Sebulone. Balaodi ba Isašare ba tla le Debora; Barake a tla jaaka Isašare. Ba romelwa mogorogorong, ba mo setse morago. Kwa dinageng tsa ga Rubene ga bo go le maikgogomoso a magolo a dipelo fela. Ke ka ntlha ya eng, fa o ne o itulela kwa merakeng go utlwelela melodi kwa matsomaneng? Kwa dinageng tsa ga Rubene ga bo go le dikakanyo tse dikgolo tsa dipelo fela. Gileate o ne a itulela kwa moseja ga Joretane. Ke eng fa Dane a le mo mekorong? Asere a itunna fa losing lwa lewatle, a nna kwa matsibogong a lone. Basebulone ke batho ba ba neelang maphelo a bone mo losong; le Banafetale ba ntse jalo mo dithoteng tsa naga. Ga tla dikgosi, tsa tlhabana; foo ga tlhabana dikgosi tsa Kanana kwa Thaenage fa metsing a Megito – di sa bone thopo ya selefera. Dinaledi tsa tlhabana di tswa kwa legodimong; tsa tlhabana le Sisera di tswa mo ditseleng tsa tsona. Nokana ya Kisone ya ba tsaya. Ke nokana ya ditlhabano, nokana ya Kisone! Jaa moepelane, mowa wa me! Foo ditlhako tsa dipitse tsa tiba ka go patakanya, go patakanya ga dipitse tse di lebelo tsa gagwe. Hutsang motse wa Merose, go bua Moengele wa Morena; hutsang lo hutse baagi ba ona, ka ba se ka ba tla go thusa Morena, go thusa Morena mo gare ga bagale. A go tshegofadiwe Jaele bogolo go basadi botlhe, ene mosadi wa ga Hebere wa Mokeni! A a tshegofadiwe mo lapeng bogolo go basadi botlhe! Sisera a kopa metsi; Jaele a mo naya mašwi, a tlisa madila ka mogopo wa batlotlegi. A isa letsogo kwa lomapong, le le jang kwa notong ya badiri; a rutha Sisera, a pšhwetlakanya tlhogo ya gagwe, a e silakanya; a mo phololetsa letlhwana. A idibala, a wela fa fatshe, a namalala fa gare ga dinao tsa gagwe; a idibala, a wela fa fatshe fa gare ga dinao tsa gagwe. Fa a neng a idibala teng, a namalala a bolailwe. Mmaagwe Sisera a okomela ka fenstere, a kua fa phatlheng ya phefo a re: ‘Ke eng fa koloi ya gagwe e diega go tla? Ke eng fa medumo ya dipitse tsa gagwe e sa akofe?’ Ba ba botlhale ba bahumagadi ba gagwe ba mo fetola; le ene ka esi a fetola mafoko a gagwe a re: ‘Kooteng ba bonye thopo, ba e abelana gore monna mongwe le mongwe a bone mosetsana, gongwe basetsana ba le babedi; thopo ya diaparo tse di marabata tsa ga Sisera; thopo ya diaparo tse di marabata, lesela le le marabata, masela a a marabata a le mabedi ke thopo ya molala wa me.’ A baba botlhe ba gago, Morena, ba latlhege jalo! Mme ba ba go ratang ba tshwana le letsatsi, fa le tlhaba ka kgalalelo ya lone.” Jaanong lefatshe la nna mo kagisong dinyaga di le 40. Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bamidiane dinyaga tse supa. Jaanong e rile mabogo a Bamidiane a gatelela Baiseraele, Baiseraele ba ipaakanyetsa manno mo dikgophung tse di mo dithabeng le mo dikgageng le dikago tsa phemelo mo dithabeng ka ntlha ya go tshaba Bamidiane. E ne ya re fa Baiseraele ba sena go jwala, go tlhage Bamidiane le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi, ba ba tlhasele, ba ba dikanyetse ka ntwa, ba senye kotulo ya lefatshe go ya go fitlha kwa Gasa; ba se ke ba tlogelele Baiseraele dijo dipe, le e seng nku kampo kgomo gongwe esele. Gonne ba ne ba tle ba tlhage ka diruiwa tsa bone le ka ditente tsa bone, ba tle jaaka segopa sa tsie, mo ba sa ka keng ba balwa le fa e le dikammele tsa bone; ba tle mo lefatsheng go le senya. Baiseraele ba ne ba koafadiwa thata ke Bamidiane, mme Baiseraele ba lelela Moreneng. Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng ka ntlha ya Bamidiane, Morena a roma monna wa moporofeti kwa Baiseraeleng; ene a ba raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke lo ntshitse kwa Egepeto, ka lo ntsha mo ntlong ya botlhanka, ka lo namolela mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa bagateledi botlhe ba lona, ka ba leleka fa pele ga lona, ka lo naya lefatshe la bone. Ka lo raya ka re, ke nna Morena, Modimo wa lona. Se boifeng medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone. Mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me.’ ” Moengele wa Morena a tla letsatsi le lengwe, a feta a nna fa tlase ga mooka wa kwa Ofera o e leng wa ga Joase wa Moabiesere, Giteone morwawe a ntse a photha mabele a korong mo segatelong gore a a subele Bamidiane. Jaanong moengele wa Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Morena o na nao, wena mogale yo mogolo.” Mme Giteone a mo raya a re: “Ao! Morena wa me, fa Morena a na le rona, ke ka ntlha ya eng fa dilo tsotlhe tse, di re dirafaletse? Dikgakgamatso tsotlhe di kae tse borraetsho ba di re boleletseng ba re: ‘Kana Morena o re ntshitse kwa Egepeto?’ Mme jaanong Morena o re latlhile, o re neetse mo diatleng tsa Bamidiane.” Mme Morena a retologela kwa go ene a re: “Yaa ka thata e ya gago, o pholose Baiseraele mo diatleng tsa Bamidiane! Kana o rongwa ke nna.” Ke fa Giteone a mmotsa a re: “Ao! Morena wa me, ke tla pholosa Baiseraele ka eng? Kana losika lwa me ke lo lobotlana mo go Bamanase; le gona ke yo mmotlana mo baneng ba ga rre.” Mme Morena a mo raya a re: “Ruri ke tla nna nao, mme o tla fenya Bamidiane jaaka e kete ke monna a le mongwe fela.” Giteone a mo fetola a re: “Ka thapelo, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, ntirele sesupo sa gore ke wena o buang le nna! A ko o se ka wa tloga fa, ke be ke boe, ke go tsisetse tshupelo, ke e bee fa pele ga gago.” Morena a re: “Ke tla nna fa go fitlhelela o boa.” Ke fa Giteone a tloga a ya kwa gae, a feta a baakanya potsane e tonanyana le dinkgwe tse di sa bedisiwang tsa bupe jwa seelo sa efa; a tsenya dinama mo serotong, a tshela moro mo pitseng, a di isa kwa go ene fa tlase ga mooka, a di baya fa go ene. Mme Moengele wa Modimo a mo raya a re: “Tsaya nama le dinkgwe, o di bee mo lefikeng lele, o tshele moro mo go tsona.” A dira jalo. Jaanong Moengele wa Morena a tsaya thobane e a e tshotseng, a kgotla dinama le dinkgwe ka ntlha ya yona. Molelo wa bo o tswa mo lefikeng, o ja dinama le dinkgwe, mme Moengele wa Morena a nyelela mo matlhong a gagwe. Ya re Giteone a lemoga gore e ne e le Moengele wa Morena, a re: “Joo nna wee, Morena Modimo! Ke bonye Moengele wa Morena, re lebanye ka difatlhego.” Mme Morena a mo raya a re: “A kagiso e nne nao! Se boife! Ga o kitla o swa.” Ke fa Giteone a agela Morena aletare gona, a e bitsa “Morena-wa-kagiso.” E sa le teng kwa Ofera wa Baabiesere go fitlhelela letsatsing la kajeno. Mme ya re bosigo joo Morena a mo raya a re: “Tsaya poo ya dikgomo tse e leng tsa ga rraago, e bong poo ya bobedi ya dinyaga tse supa, o dige aletare ya ga Baale e e leng ya ga rraago, o reme Ašera e e fa thoko ga yona. Gape o agele Morena, Modimo wa gago, aletare mo setlhoeng se se ageletsweng sa thaba e ka go tlhatlaganya matlapa, o tsee poo ya bobedi ele, o dire setlhabelo sa phiso ka dikgong tsa ga Ašera yo ò tla mo fatsang.” Ke fa Giteone a tsaya banna ba some ba batlhanka ba gagwe, a dira jaaka Morena a mo laetse. Mme ya re ka a boifa ba kgotla ya ga rraagwe le banna ba motse, a se ka a dira motshegare, mme a dira bosigo. Mme ya re banna ba motse ba tsoga mo mosong, ba fitlhela aletare ya ga Baale e digilwe le kota ya ga Ašera e e fa thoko ga yona e remilwe le poo ele ya bobedi e dirilwe setlhabelo sa phiso mo aletareng e e agilweng. Ba botsanya ba re: “Ke mang yo o dirileng jalo?” Ya re ba sena go tlhotlhomisa le go botsolotsa ba utlwa go twe: “Giteone, morwa Joase, o dirile jalo.” Ke fa banna ba motse ba raya Joase ba re: “Ntsha morwao, re mmolae! Gonne o digile aletare ya ga Baale, o bile remile kota ya ga Ašera e e neng e le fa thoko ga yona.” Mme Joase a raya botlhe ba ba emeng fa go ene a re: “A lo rata go lwela Baale kampo go mo thusa? Yo o mo lwelang a a bolawe! e sa le mo mosong o. Fa ene Baale e le modimo, a a itwele, ka aletare ya gagwe e digilwe.” Ke ka moo Giteone o biditsweng Jerubaale ka letsatsi leo. Jerubaale ke go re: “A Baale a lwe nae!” Ka gonne o ne a digile aletare ya gagwe. Jaanong Bamidiane botlhe le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi ba phuthega mmogo, ba tshela noka, ba thibelela mo lebaleng la Iserele. Mme Mowa wa Morena wa tlala mo go Giteone, a letsa lonaka, a kua Baabiesere gore ba mo sale morago. A ba a roma barongwi kwa go Bamanase botlhe, a ba kua le bone gore ba mo sale morago; gape a roma barongwi kwa go Baasere le Basebulone le Banafetale, mme ba bolola go mo kgatlhantsha. Jaanong Giteone a raya Modimo a re: “Fa o rata go pholosa Baiseraele ka nna jaaka o buile – a ko o mphe sesupo! Bona, ke tla baya letlalo mo seboaneng, mme fa monyo o ka wela mo letlalong le le losi fela, lefatshe lotlhe go se fa o oleng teng, foo ke tla itse gore o tla golola Baiseraele ka nna jaaka o buile.” Ga dirafala jalo. Ya re a tsoga ka moso, a gamola monyo mo letlalong, ya nna metsi a a tlalang ka mogopo. Mme Giteone a raya Modimo a re: “A bogale jwa gago bo se ka jwa ntukela, fa ke sa ntse ke bua gangwe fela. A ko o nte ke leke gape gangwe fela ka letlalo le. Jaanong a go ko go nne komelelo mo letlalong le le losi fela, mme monyo o nne mo lefatsheng lotlhe.” Modimo wa dira jalo bosigo joo. Letlalo la lala le omile le le losi fela, mme lefatshe lotlhe le wetswe ke monyo. Jaanong Jerubaale, e bong Giteone, a phakela le batho botlhe ba ba nang nae, ba thibelela fa motsweding wa Harote, mme bothibelelo jwa Bamidiane bo ne bo le mo ntlheng ya bokone ya gagwe mo lebaleng go tloga fa thoteng ya More. Mme Morena a raya Giteone a re: “Batho ba ba nang nao ba bantsi. Ke palelwa ke go neela Bamidiane mo diatleng tsa bone, e se re gongwe Baiseraele ba inkgantshetsa ba re: ‘Go ikgolotse rona ka rosi.’ Mme jaanong tlhaba mokgosi mo ditsebeng tsa batho o re: ‘Yo o tshogileng le yo o boifang a a boe, a tshabe mo dithabeng tsa Gileate.’ ” Ga boa batho ba le 22 000, ga sala ba le 10 000. Mme Morena a raya Giteone a re: “Batho ba sa le bantsi. Ba folosetse kwa metsing, ke tle ke ba go fokoletse teng: Yo ke tla go laelang ka ga gagwe ke re: ‘A a ye nao,’ a ene a ye nao; mme mongwe le mongwe yo ke go laelang ka ga gagwe ke re: ‘A a se ye nao,’ a ene a se ka a ya nao.” A folosetsa batho kwa metsing, mme Morena a raya Giteone a re: “Mongwe le mongwe yo o kapetsang metsi ka seatla le molomo jaaka ntšwa, mmee go sele; gape mongwe le mongwe yo o khubamang ka mangole go nwa a tomame o mmee go sele.” Palo ya ba ba neng ba a kapetsa, ba a isa ka diatla kwa melomong, e ne e le banna ba le 300; batho botlhe ba bangwe ba ne ba khubame ka mangole go nwa metsi ba tomame. Ke fa Morena a raya Giteone a re: “Ke tla lo golola ka banna ba le 300 ba, ba ba noleng ka go kapetsa, ke neela Bamidiane mo diatleng tsa gago. Mme a batho botlhe ba bangwe ba boele kwa magaeng a bone.” Jaanong ba itseela mefago ya batho le dinaka tsa bone. Mme Giteone a busetsa banna botlhe ba Iseraele kwa magaeng a bone, a sala fela a na le banna ba le 300 bale. Mephato ya Bamidiane e ne e le kwa tlase ga gagwe mo lebaleng. Ya re bosigo Morena a mo raya a re: “Tsoga o fologele kwa mephatong eo, gonne ke e neetse mo diatleng tsa gago. Mme fa o boifa go fologa, fologa le Phura motlhanka wa gago pele, o ye kwa mephatong eo, o utlwelele se ba se buang teng. Morago ga moo o tla bo o tiile moko go ka fologela teng le go tlhasela mephato eo.” A fologa a na le Phura motlhanka wa gagwe, a fitlha kwa batlhabaning ba ba tlhometseng fa bokhutlong jwa bothibelelo. Mme Bamidiane le Baamaleke le botlhe ba kwa botlhabatsatsi ba bo ba robetse mo lebaleng jaaka segopa sa tsie; dikammele tsa bone e le tse di se nang palo, di le kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Jaanong ya re Giteone a goroga, a fitlhela mongwe a bolelela yo mongwe toro a re: “Utlwa toro e ke e lorileng, ke bonye senkgwe se se besitsweng sa garase se kgokologela mo bothibelelong jwa Bamidiane, se fitlha kwa tenteng, se e itaya, ya wa, sa e pitikolola, ya kanama.” Mme mongwe-ka-ene a araba a re: “Selo se ga se sepe fa e se tšhaka ya ga Giteone morwa Joase, monna wa Moiseraele. Modimo o neetse Bamidiane le mephato yotlhe mo diatleng tsa gagwe.” Ya re Giteone a utlwa polelo e ya toro le phuthololo ya yona, a obamela Morena, a boela kwa bothibelelong jwa Baiseraele a re: “Tsogang, gonne Morena o neetse mephato ya Bamidiane mo diatleng tsa lona.” Mme a kgaoganya banna ba le 300, a ba dira ditlhopha tse tharo, a tsenya dinaka mo diatleng tsa botlhe le dinkgwana tse di lolea le dirumola mo teng ga dinkgwana; a ba raya a re: “Ntebeng lo dire fela jaaka nna; mme e re ke fitlha fa bothibelelong, lo dire gape jaaka ke dira. E re fa ke letsa lonaka nna le botlhe ba ke nang nabo, le lona lo letse dinaka mo ntlheng tsotlhe tsa bothibelelo, lo thele lešalaba lo re: ‘Ntwa ya Morena le ya ga Giteone!’ ” Giteone le banna ba ba lekgolo ba ba nang nae ba fitlha fa bothibelelong, e le gona go bewang balebeledi ba gare ga bosigo. Ke fa a letsa lonaka, a thuba nkgwana e a e tshotseng ka seatla. Jaanong ba ditlhopha tse tharo ba letsa dinaka, ba thuba dinkgwana, ba tshwara dirumola ka diatla tsa molema le dinaka ka diatla tse di jang, ba di letsa, ba kua ba re: “Tšhaka ya Morena le ya ga Giteone!” Ba ne ba ntse ba eme mongwe le mongwe fa a emeng teng mo tikologong ya bothibelelo, mme mephato yotlhe ya sia, ya goa ya tshaba. Ya re ba ntse ba letsa dinaka tse di 300, Morena a bolaanya Bamidiane ka ditšhaka tsa bone mo bothibelelong jotlhe, mme ba bangwe ba tshabela kwa Betšhita ntlheng ya Sereta go ya go fitlha kwa losing lwa Abele-Megola gaufi le Tabathe. Jaanong banna ba Iseraele, e bong Banafetale le Baasere le Bamanase botlhe ba kuiwa go latelela Bamidiane. Gape Giteone a roma barongwi kwa dithabeng tsotlhe tsa ga Eferaime a re: “Fologang lo kgatlhantshe Bamidiane, lo ba thibelelele metsi go fitlha kwa Bethe-Bara le Joretane!” Ke fa go kuiwa banna botlhe ba Eferaime, ba ba thibelelela metsi go fitlha kwa Bethe-Bara le Joretane. Le gona ba tshwara dikgosi tse pedi tsa Bamidiane, e bong Orebe le Seebe; ba bolaela Orebe kwa Lefikeng la ga Legakabe le Seebe kwa Segatelong sa ga Phiri, ba feta ba latelela Bamidiane. Mme ba isa ditlhogo tsa boOrebe le Seebe kwa go Giteone kwa moseja ga Joretane. Ke fa banna ba Baeferaime ba mo sekisa ba re: “O ne o direlang jalo, fa o sa re bitse maloba fa o ya go tlhabana le Bamidiane?” Ba mo omanya thata jalo. Mme ene a ba fetola a re: “Ke dirile tiro efe e e kana ka ya lona? A ga ke re, maronopo a Baeferaime a gaisa phulo ya moweine ya Baabiesere? Kana dikgosi tsa Bamidiane, Orebe le Seebe, Modimo o di neetse mo diatleng tsa lona. Nna ke kgonne go dira tiro efe e e tshwanang le ya lona?” Ya re a bua mafoko ao, ba rebega logala, ba se ka ba tlhola ba mo omanya. Jaanong Giteone a fitlha kwa nokeng ya Joretane, a e tshela, ene le banna ba ba 300 ba ba nang nae, ba lapile ka go latelela baba mme a kopa banna ba Sukothe a re: “A lo ke lo fe banna ba ba ntshetseng morago dinkgwe, gonne ba lapile. Kana ke latelela Seba le Salemuna, dikgosi tsa Midiane.” Ke fa bagolo ba Sukothe ba botsa ba re: “A mabole a ga Seba le Salemuna o setse o a bofile, fa o re, re fe mephato ya gago dijo?” Giteone a re: “Go siame. E tla re Morena a neela Seba le Salemuna mo diatleng tsa me, ke phothe mebele ya lona ka mitlwa ya sekaka le ka dikala tsa mengana.” A tloga teng a fetela kwa Phenuele, le bone a ba kopa. Mme banna ba Phenuele ba mo araba jaaka banna ba Sukothe. Mme a raya banna ba Phenuele le bone a re: “E tla re ke boa ka kagiso, ke fete ke dige kago e ya phemelo.” Seba le Salemuna ba ne ba le kwa Karekore, ba na le mephato ya bone, e ka nna banna ba le 15 000; bone e le botlhe ba ba setseng ba mephato yotlhe ya ba kwa botlhabatsatsi. Gonne ba ba bolailweng e ne e le banna ba le 120 000 ba ba neng ba tshwere tšhaka. Jaanong Giteone a bolola ka tsela ya baagi ba ditente, a potile metse ya Noba le Jogebeha mo ntlheng ya botlhabatsatsi, a fenya mephato eo, e sa ntse e itebetse. Seba le Salemuna ba tshaba, mme a ba latelela, a tshwara dikgosi tse pedi tsa Bamidiane, e bong Seba le Salemuna, a tshosa mephato yotlhe, a e phatlalatsa. Jaanong e rile Giteone morwa Joase a boa mo tlhabanong ka phata ya motse wa Herese, a tshwara lekau la kwa Sukothe, a le botsolotsa; la mo kwalela maina a dikgosana tsa Sukothe le a bagolo ba teng, e le banna ba le 77. Ya re a fitlha kwa banneng ba Sukothe a re: “Bonang, Seba le Salemuna ke ba, ba lo nkgobileng ka ga bone lwa re: ‘A mabole a ga Seba le Salemuna o setse o a bofile fa o re, re fe banna ba gago ba ba lapileng dijo!’ ” Ke fa a tsaya bagolo ba motse le mitlwa ya sekaka le dikala tsa mengana, a swabaila banna ba Sukothe ka tsona. Le gona a diga kago ya phemelo ya Phenuele, a bolaya banna ba motse oo. Jaanong a botsa Seba le Salemuna a re: “Banna ba lo ba bolaetseng kwa thabeng ya Thabore ba ne ba ntse jang?” Ba re: “Ba ne ba tshwana nao; mongwe le mongwe a lebega jaaka ngwana wa kgosi.” Giteone a re: “E ne e le bonkgonne ba ga mme. Ka bophelo jwa Morena, fa lo ka bo lo ba lesitse go phela, nka bo ke sa lo bolae.” A ba a raya Jethere morwawe yo mogolo a re: “Nanoga o ba bolae!” Mme lekau la se ka la somola tšhaka ya lone, gonne le boifa ka le sa le lešwa. Mme Seba le Salemuna ba re: “Nanoga ka wesi o re wele; gonne thata ya monna e lekana le sebopego sa gagwe.” Ke fa Giteone a nanoga, a bolaya Seba le Salemuna, a tsaya dingwedinyana tse di mo melaleng ya dikammele tsa bone. Jaanong banna ba Iseraele ba raya Giteone ba re: “Re buse, wena le morwao le morwa morwao; gonne o re golotse mo diatleng tsa Bamidiane.” Mme Giteone a ba raya a re: “Ga nkitla ke lo busa, le morwaake ga a kitla a lo busa. Lo tla busiwa ke Morena.” Giteone a boela a ba raya a re: “Ke rata go kopa sengwe mo go lona: A mongwe le mongwe a mphe lenyena le a le thopileng.” A bua jalo ka gonne Bamidiane ba ne ba na le manyena a gouta, ka e le Baisemaele. Ba araba ba re: “Re tla a go naya ka boitumelo.” Ba ala kobo, mme mongwe le mongwe a latlhela lenyena le a le thopileng mo go yona. Bokete jwa manyena a gouta a o neng a a kopile e ne e le dišekele tsa gouta di le 1 700, go sa balwe jwa dingwedinyana le jwa mekgabo ya ditsebe le jwa diaparo tse dikhibidu tsa bofifadu tse di neng di aperwe ke dikgosi tsa Bamidiane; go bile go sa balwe le jwa dibaga tse di neng di le mo melaleng ya dikammele. Jaanong Giteone a dira khiba ya boperesiti ka tsona, a e lepeletsa mo Ofera motseng wa ga gabo, mme Baiseraele botlhe ba dira boaka teng ka go e obamela jaaka modimo wa seseto; ya nna serai jalo mo go Giteone le mo go ba lapa la gagwe. Bamidiane ba ne ba kokobediwa jalo fa pele ga Baiseraele, ba se ka ba tlhola ba tsosa ditlhogo tsa bone. Lefatshe la nna mo kagisong dinyaga di le 40 ka malatsi a bophelo jwa ga Giteone. Morago ga ntwa Jerubaale, e bong Giteone morwa Joase a ya a nna mo ntlong ya gagwe. Giteone o ne a na le bomorwa ba le 70 ba ba tsetsweng ke ene, ka a ne a na le basadi ba bantsi. Nyatsi ya gagwe e e neng e le mo Šegeme le yona ya mo tsholela ngwana wa mosimane, a tewa leina la Abimelege. Giteone morwa Joase o ne a swa, a tsofetse; a fitlhwa mo lebitleng la ga Joase rraagwe kwa Ofera wa Baabiesere. Mme ya re fela Giteone a sena go swa, Baiseraele ba boela kwa morago, ba dira boaka ka go latela boBaale, ba ipeela Baale-wa-kgolagano go nna modimo wa bone. Baiseraele ba tlhokomologa Morena, Modimo wa bone, yo o neng a ba pholositse mo diatleng tsa baba botlhe ba bone mo tikologong. Le gona ba se ka ba direla ba lapa la ga Jerubaale yo e leng Giteone ditiro tsa tebogo ka ntlha ya tse di molemo tsotlhe tse o di diretseng Baiseraele. Abimelege morwa Jerubaale letsatsi lengwe a ya kwa Šegeme kwa go bomalomaagwe, a ya go bua nabo le losika lotlhe lwa ga gabo mogolo a re: “A lo ke lo botse mo ditsebeng tsa batho ba Šegeme botlhe lo re: ‘Se se molemo mo go lona ke eng? A ke go busiwa ke banna ba le 70 bomorwa Jerubaale botlhe, kampo go busiwa ke monna a le mongwe? Le gona lo gakologelwe fa ke le lesapo la lona le nama ya lona.’ ” Ke fa bomalomaagwe ba ya go bua mafoko aotlhe ao ka ga gagwe mo ditsebeng tsa batho ba Šegeme botlhe. Mme dipelo tsa bone tsa ineela Abimelege, ka e le ngwana wa kgaitsadia-bona. Ba mo naya diselefera di le 70 di tswa mo ntlong ya ga Baale-wa-kgolagano. Mme Abimelege a rapa banna ba e seng ba sepe ka tsona ba ba ikgantshang; ba mo sala morago. A ba a ya kwa kgotleng ya ga rraagwe kwa Ofera, a bolaya bomorwa-rraagwe, bana ba ga Jerubaale, banna ba le 70 mo lefikeng le le lengwe, mme ga falola Jothame morwa Jerubaale yo mmotlana, ka a ne a iphitlhile. Jaanong ga phuthega batho ba Šegeme botlhe le ba kago ya phemelo botlhe, ba tla ba dira Abimelege kgosi fa setlhareng sa mooka se se kwa Šegeme, fa go leng lefika la bosupi. E rile Jothame a sena go sebelwa jalo, a ya a ema mo setlhoeng sa thaba ya Gerisime, a tlhatlosa lentswe, a tlhaeletsa, a ba raya a re: “Ntheetseng lona beng ba Šegeme gore Modimo le ona o lo utlwe. Ditlhare di kile tsa bolola go itloletsa kgosi, tsa raya setlhare sa olefa tsa re: ‘Nna kgosi ya rona.’ Mme setlhare sa olefa sa di fetola sa re: ‘A lo a re, ke tlogele monono wa me o Modimo le batho ba o tlotlang mo go nna, ke ye go okama ditlhare?’ Ke fa ditlhare di raya setlhare sa feie di re: ‘Tlaya wena, o nne kgosi ya rona!’ Mme sa feie sa di fetola sa re: ‘A lo a re ke tlogele botshe jwa me le maungo a a monate a me, ke ye go okama ditlhare?’ Ke fa ditlhare di raya moweine di re: ‘Tlaya wena, o nne kgosi ya rona.’ Mme moweine wa di fetola wa re: ‘A lo a re, ke tlogele matute a me a a itumedisang Modimo le batho, ke ye go okama ditlhare?’ Ke fa ditlhare tsotlhe di raya mosu di re: ‘Tlaya wena, o nne kgosi ya rona.’ Mme mosu wa araba ditlhare wa re: ‘Fa lo ntlotsa ka nnete go nna kgosi ya lona, tlayang he lo tshabele mo moriting wa me. Mme fa go sa nne jalo molelo o tla tswa mo mosung, o ja mesetere ya Lebanone.’ “Jaanong he, fa lo dirile ka boikanyo le ka nnete ka go dira Abimelege kgosi, fa lo diretse Jerubaale le ba lapa la gagwe sentle, fa lo mo diretse tse di tshwanetseng tiro ya diatla tsa gagwe. Kana rre o ne a lo tlhabanela, a tsenya bophelo jwa gagwe mo kotsing gore lona lo pholosiwe mo diatleng tsa Bamidiane. Mme lona lo tsogetse lelapa la ga rre kajeno, lwa bolaya bomorwawe, banna ba le 70, mo lefikeng le le lengwe, lwa dira Abimelege morwa lelata la gagwe kgosi ya beng ba Šegeme, ka e le wa ga lona. Kana ka re: Fa lo diretse Jerubaale le ba lapa la gagwe ka boikanyo le ka nnete ka letsatsi la kajeno, foo itumeleleng Abimelege, mme a le ene a lo itumelele! Mme fa go sa nna jalo, a molelo o tswe mo go Abimelege, o je beng ba Šegeme le ba kago ya phemelo; o be o tswe mo go beng ba Šegeme le mo go ba kago ya phemelo, o je Abimelege.” Morago ga moo Jothame a thoba a tshabela kwa Beere, a nna teng ka ntlha ya go boifa Abimelege morwa-rraagwe. Jaanong e rile Abimelege a sena go busa Baiseraele dinyaga di le tharo, Modimo wa romela mowa o o bosula o o lwantshanyang Abimelege le beng ba Šegeme, mo ba bileng ba direla Abimelege ka boikanyologo; e le go re tshiamololo e e diretsweng bomorwa Jerubaale ba le 70 le polao ya bone e tle e wele mo go Abimelege morwa-rraabo yo o ba bolaileng; e be e wele mo go beng ba Šegeme ba ba mo thusitseng go bolaya bomorwa-rraagwe. Ka moo beng ba Šegeme ba mmeela balaledi mo ditlhoeng tsa dithaba gore ba thukhuthe mongwe le mongwe yo o fetang fa go bone mo tseleng, mme Abimelege a sebelwa tseo. Le gona ga tlhaga Gaale morwa Ebete, a na le bomorwa-rraagwe, ba hudugela kwa Šegeme, mme beng ba Šegeme ba mo ikanya. Mme ba tswela kwa masimo, ba fula mo masimong a meweine a bone, ba gata maungo a meweine, ba dira moletlo, ba tsena mo ntlong ya modimo wa bone, ba ja, ba nwa, ba hutsa Abimelege. Gaale morwa Ebete a ba tlhotlheletsa a re: “Abimelege ke mang, mme rona ba Šegeme re bomang, mo re tshwanetseng go mo direla? A ga se ene morwa Jerubaale, mme Sebule ke kgosana ya gagwe? Direlang banna ba ga Hemore rraagwe Šegeme. Ke ka ntlha ya eng fa rona re tshwanetse go direla ene? Ao! Fa nka bo ke busa morafe o, nka bo ke tlosa Abimelege, ke raya Abimelege ke re: ‘Ntsifatsa mephato ya gago, o bolole!’ ” Mme ya re Sebule, kgosana ya motse, a utlwa mafoko a ga Gaale morwa Ebete, a tuka bogale, a roma barongwi kwa go Abimelege ka sephiri a re: “Bona, Gaale morwa Ebete le bomorwa-rraagwe ba tlile mono Šegeme. Ba bile ba go tsosetsa moferefere. Jaanong o tsoge bosigo, wena le batho ba ba nang nao, o ba lalele mo nageng. Mme e re mo mosong fa letsatsi le tswa, o phakele, o tlhasele motse. Jaanong fa ene le batho ba ba nang nae ba tswela kwa go wena, o mo direle ka fa mabogo a gago a kgonang ka teng.” Abimelege a tsoga bosigo le batho botlhe ba ba nang nae, ba lalela Šegeme ka ditlhopha tse nne. Mme ya re Gaale morwa Ebete a tswa a ema fa kgorong ya motse, Abimelege a ragoga le batho ba ba nang nae, ba tswa mo talelong. Ya re Gaale a bona batho bao, a raya Sebule a re: “Bona batho ba fologa mo ditlhoeng tsa dithaba.” Mme Sebule a mo raya a re: “O bona meriti ya dithaba wa re ke batho.” Gaale a ba a bua gape a re: “Bona, batho ba fologa mo mohubung wa lefatshe, mme setlhopha se sengwe se tswa ntlheng ya mooka wa baroka.” Ke fa Sebule a mo raya a re: “Jaanong molomo wa boikgantsho jwa gago o kae o ò buileng ka ona wa re: ‘Abimelege ke mang, mo re tshwanetseng go mo direla?’ A ga se bona batho ba, ba o ba nyaditseng? Jaanong bolola he, o tlhabane nabo!” Gaale a bolola, e etelela batho ba Šegeme pele, a tlhabana le Abimelege. Fela Abimelege a mo leleka, mme a tshaba fa pele ga gagwe; ga nna ga wa ba bantsi ba ba bolawang go ya go fitlha kwa kgorong. Jaanong Abimelege a nna kwa motseng wa Aruma, mme Sebule a leleka Gaale le bomorwa-rraagwe gore ba se ka ba aga mo Šegeme. Mme ya re kamoso batho ba tswa ba ya masimo, Abimelege a begelwa jalo. Ke fa a tsaya batho, a ba aroganya, a ba dira ditlhopha tse tharo, a lalela kwa nageng. Jaanong fa a bona batho ba tswa mo motseng, a ba wela, a ba bolaya. Abimelege a bolola le setlhopha se se nang nae, ba ema fa kgorong ya motse, mme ditlhopha tse pedi tsa bolola, tsa wela botlhe ba ba kwa masimo, tsa ba bolaya. Abimelege a tlhabana le motse ka letsatsi lotlhe leo, a thopa motse, a bolaya batho ba ba neng ba le mo go ona, a senya motse, a gasa letswai mo go ona. Ya re batho ba ba mo kagong ya phemelo ya Šegeme ba utlwa jalo, ba tsena mo maiphitlhelong a a ka fa tlase ga ntlo ya modimo-wa-kgolagano. Ya re Abimelege a sena go begelwa gore batho botlhe ba ba neng ba le mo kagong ya phemelo ya Šegeme ba phuthegetse teng, a tlhatlogela mo thabeng ya Salemone, ene le batho botlhe ba ba nang nae; Abimelege a tsaya selepe sa gagwe, a rema letlharapa la setlhare, a le tsholetsa, a le sikara, a raya batho ba ba nang nae a re: “Se lo bonang ke se dira, akofang lo se dire jaaka nna!” Ke fa batho botlhe ba rema matlharapa, ba sala Abimelege morago, ba feta ba a baya mo godimo ga maiphitlhelo ale, ba a tshuba godimo ga bale. Ka mokgwa oo batho botlhe ba kago ya phemelo ya Šegeme le bone ba a swa, e ka nna banna ba le sekete ba tlhakanye le basadi. Jaanong Abimelege a ya kwa motseng wa Thebese, a o dikanyetsa ka ntwa, a o thopa. Mme ga bo go le kago e e godimo ya phemelo mo gare ga motse; banna botlhe ba motse le basadi le beng ba motse botlhe ba tshabela teng, ba tswala fa morago ga bone, ba tlhatlogela kwa godimo ga kago ya phemelo. Ke fa Abimelege a tla kwa kagong eo ya phemelo, a e tlhasela, a atamela mojako wa yona gore a e fise ka molelo. Mme mosadi mongwe a mo konopa ka tshilwana, ya itaya tlhogo ya ga Abimelege, ya mo thuba logata. Ke fa a bitsa mokaba-dibolai wa gagwe ka potlako, a mo raya a re: “Somola tšhaka ya gago, o mpheletse, e se re gongwe ba bua ka ga me ba re: ‘O bolailwe ke mosadi.’ ” A dira jalo, a mo phololetsa, mme a a swa. Ya re banna ba Iseraele ba bona Abimelege a sule mongwe le mongwe a ya kwa legaeng la gagwe. Modimo wa lefetsa Abimelege bosula jalo jo o bo diretseng rraagwe ka go bolaya bomorwa-rraagwe ba le 70. Le gona Modimo wa busetsa bosula jotlhe jwa banna ba Šegeme mo ditlhogong tsa bone. Khutso ya ga Jothame morwa Jerubaale ya ba wela jalo. Sehularong sa ga Abimelege ga tsoga Thola morwa Phua morwa Doto, monna wa lotso lwa ga Isašare, go thusa Iseraele. O ne a agile mo motseng wa Samire kwa dithabeng tsa Eferaime. A siamisa Baiseraele dinyaga di le 23; a ba a swa, a fitlhwa mo Samire. Sehularong sa gagwe ga tsoga Jaire wa kwa Gileate, a siamisa Baiseraele dinyaga di le 22. O ne a na le bomorwa ba le 30 ba ba neng ba palama diesele di le 30, ba na le metse e le 30 e e bidiwang metse ya ditente ya ga Jaire go fitlhelela letsatsing la kajeno, e e kwa nageng ya Gileate. Jaire a ba a swa, a fitlhwa kwa Kamone. Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba direla boBaale le boAšethorethe le medimo ya Siria le ya Sitone le ya Moabe le ya Baamone le ya Bafelesita; ba tlogela Morena, ba se ka ba mo direla. Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Baiseraele, mme a ba rekisa mo diatleng tsa Bafelesita le tsa Baamone. Ba bogisa Baiseraele, ba ba gatelela setlhogo dinyaga di le 18 ka sebaka seo, e bong Baiseraele botlhe ba ba kwa moseja ga Joretane mo nageng ya Baamori e e kwa Gileate. Le gona Baamone ba tshela Joretane go tlhabana le Bajuta le Babenyamene le Baeferaime, mo Baiseraele ba bileng ba pitlaganngwa thata. Ke fa Baiseraele ba lelela Moreneng ba re: “Re go leofetse; gonne re go tlogetse, Modimo wa rona, ra direla boBaale.” Mme Morena a raya Baiseraele a re: “A ga ke re, ke lo golotse mo go Baegepeto le mo go Baamori le mo go Baamone le mo go Bafelesita? Mme ya re Basitone le Baamaleke le Bamaone ba lo pitlaganya, lwa lelela go nna, mme ka lo pholosa mo diatleng tsa bone. Mme lona lo ntlogetse, lwa direla medimo e sele; ke ka moo ke sa ka keng ka tlhola ke lo thusa. Yaang lo lele medimong e lo e itlhophetseng! A yona e lo thuse ka sebaka sa tlalelo ya lona!” Mme Baiseraele ba raya Morena ba re: “Re leofile. Wena o re direle tsotlhe tse di siameng mo matlhong a gago, fela a ko o re thuse kajeno.” Le gona ba tlosa medimo e sele mo gare ga bona, ba direla Morena. Ke fa a tlhomoga pelo ka ntlha ya pogisego ya Baiseraele. Jaanong Baamone ba kuiwa, ba thibelela kwa Gileate. Le Baiseraele ba phuthega, ba thibelela kwa Mitsepha. Ke fa batho, e bong dikgosana tsa Gileate, ba raana ba re: “Ke monna ofe yo o tla simololang go tlhabana le Baamone? Ene o tla nna tlhogo ya baagi botlhe ba Gileate.” Mme Ifetha wa kwa Gileate e ne e le mogale, fela e ne e le morwa mosadi wa seaka, a tsetswe ke Gileate. Jaanong ya re mosadi wa ga Gileate a sena go mo tsholela bomorwa, mme bomorwa mosadi yoo ba sena go gola, ba leleka Ifetha, ba mo raya ba re: “Ga o a tshwanela go rua boswa mo kgotleng ya ga rraetsho, gonne o morwa mosadi o sele.” Ke fa Ifetha a tshaba, a tlogela bomorwa-rraagwe, a nna mo lefatsheng la Tobe. Mme banna ba ba motlhofo ba mo kgobokanela, ba bolola nae. Ga tla malatsi a ntwa ya Baamone le Baiseraele. Mme ya re Baamone ba tlhabana le Baiseraele, bagolo ba Gileate ba ya go tsaya Ifetha kwa lefatsheng la Tobe, ba raya Ifetha ba re: “Tlaya o nne moeteledipele wa rona gore re ye go tlhabana le Baamone.” Mme Ifetha a fetola bagolo ba Gileate a re: “A ga se lona ba lo ntlhoileng, lwa nteleka mo kgotleng ya ga rre? A jaanong lo tla kwano go nna, fa lo le mo tlalelong?” Bagolo ba Gileate ba raya Ifetha ba re: “Ke ka moo re boetseng kwa go wena jaanong. Mme fa o ya le rona, o tlhabana le Baamone, o tla nna tlhogo ya rona ya baagi botlhe ba Gileate.” Mme Ifetha a fetola bagolo ba Gileate a re: “Fa lo mpusetsa kwa gae go ya go tlhabana le Baamone, Morena a ba a nnaya go ba fenya, gona ke tla nna tlhogo ya lona.” Ke fa bagolo ba Gileate ba araba Ifetha ba re: “Morena ke moutlwi fa gare ga rona. Ruri, re tla dira ka fa lefokong la gago.” Jaanong Ifetha a ya le bagolo ba Gileate, mme morafe wa mo dira tlhogo le molaodi wa ona. Ifetha a ba a bolela mafoko aotlhe a gagwe fa pele ga Morena kwa Mitsepha. Jaanong Ifetha a roma barongwi kwa kgosing ya Baamone a re: “O batlang mo go nna fa o tlile go ntlhabantshetsa lefatshe la me?” Kgosi ya Baamone ya fetola barongwi ba ga Ifetha ya re: “Kana e rile Baiseraele ba tlhaga kwa Egepeto, ba tsaya naga ya me go tloga nokeng ya Arenone go ya go fitlha kwa go ya Jaboke le ya Joretane. Jaanong e nthebolele, foo ke tla tsamaya ka kagiso.” Ifetha a boa a roma barongwi gape kwa kgosing ya Baamone gore ba ye go e raya ba re: “Ifetha o bua jaana a re: Ga go a nna jalo, Baiseraele ga ba a tsaya lefatshe la Moabe le e seng la Baamone. Gonne e rile Baiseraele ba bolola kwa Egepeto, ba sepela mo sekakeng go fitlha kwa Lewatleng la Motlhaka, ba be ba fitlha kwa Kateše. Ke fa Baiseraele ba roma barongwi kwa kgosing ya Etomo ba re: ‘Re letlelele go ralala lefatshe la gago.’ Mme kgosi ya Etomo ya se ka ya dumela. Le gona ba roma kwa kgosing ya Moabe, le yona ya gana. Ke ka moo Baiseraele ba diegileng kwa Kateše. Gape ba sepela mo sekakeng, ba potologa lefatshe la Etomo le lefatshe la Moabe, ba tla kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya lefatshe la Moabe, ba thibelela ka kwano ga Arenone, ba se ka ba tsena mo nageng ya Moabe, ka noka ya Arenone e le molelwane wa Moabe. Jaanong Baiseraele ba roma barongwi kwa go Sihone kgosi ya Baamori, kgosi ya Hešebone; Baiseraele ba mo raya ba re: ‘A ko o re letlelele go ralala lefatshe la gago go fitlha kwa re yang teng.’ Sihone a se ka a dumelela Baiseraele go ralala naga ya gagwe, mme Sihone a phutha morafe otlhe wa gagwe, a thibelela kwa Jahase, a tlhabana le Baiseraele. Ke fa Morena, Modimo wa Iseraele, a neela Sihone le morafe otlhe wa gagwe mo diatleng tsa Baiseraele, mme ba ba fenya; Baiseraele ba thopa jalo lefatshe lotlhe la Baamori, ba ba neng ba agile mo lefatsheng leo. Ba thopa naga yotlhe ya Baamori go tloga kwa nokeng ya Arenone go fitlha kwa go ya Jaboke le go tloga kwa sekakeng go fitlha kwa Joretane. Jaanong he! Morena, Modimo wa Iseraele, o lelekile Baamori fa pele ga Iseraele morafe wa gagwe, mme a wena o a re o ka tsaya naga e? A ga ke re, wena o tshwanetse go tsaya naga e o e filweng ke Kamose, modimo wa gago? Le rona re tsaya naga jalo ya mongwe le mongwe yo o lelekilweng ke Morena, Modimo wa rona. Mme jaanong a wena o siame go gaisa Balake morwa Siphore, kgosi ya Moabe? A ene o kile a sekisanya le Baiseraele gongwe a tlhabana nabo, jale fa Baiseraele ba ntse ba agile mo Hešebone le mo metsaneng ya teng le mo Aroere le mo metsaneng ya teng le mo metseng yotlhe e e mo ntlheng tse pedi tsa Arenone dinyaga di le 300. Ke ka ntlha ya eng fa lo se ka lwa e re amoga ka sebaka seo? Nna ga ke a go leofela, mme wena o ntirela bosula ka go tlhabana le nna. A Morena yo e leng moatlhodi a atlhole kajeno fa gare ga Baiseraele le Baamone.” Mme kgosi ya Baamone ya se ka ya dumelana le mafoko a ga Ifetha a o neng a a romela kwa go yona. Ke fa Mowa wa Morena o tsena mo go Ifetha, mme a ralala naga ya Gileate le ya Manase, a fetela kwa Mitsepha yo o mo Gileate. Go tswa teng a fetela kwa go Baamone. Mme Ifetha a ikanela Morena maikano a re: “Fa o ka neela Baamone tota mo diatleng tsa me, foo ene yo o tla tswang ka mojako wa ntlo ya me go nkgatlhantsha mogang ke boang kwa go Baamone ka kagiso, e tla nna wa Morena; ke tla mo dira setlhabelo sa phiso.” Ifetha a fetela jalo kwa go Baamone go tlhabana nabo, mme Morena a ba neela mo diatleng tsa gagwe. A ba fenya go tloga kwa Aroere go ya go fitlha kwa Minithe, a thopa metse e le 20, le go fitlha kwa Abele-Keramime, ya nna phenyo e kgolo thata. Baamone ba kokobediwa jalo fa pele ga Baiseraele. Mme ya re Ifetha a goroga kwa Mitsepha mo lapeng la gagwe, a rakana le morwadie a tswa mo ntlong go mo kgatlhantsha ka meropana le dipina; mme e ne e le ngwana o esi, go se na ope yo o tsetsweng nae, mosimane kampo mosetsana. Ya re a mmona, a ikgagola diaparo a re: “Ijoo, morwadiaka! O nkokobetsa jang! O ntigela mo tatlhegong. Kana ke butse molomo, ka ikanela Morena, mme ga ke kgone go dirolola.” Mme morwadie a mo raya a re: “Rra, fa o butse molomo, wa ikanela Morena, dira ka nna ka fa go duleng mo molomong wa gago ka teng, ka Morena a setse a go diretse pusoloso e e tletseng mo babeng ba gago, e bong Baamone.” Gape a raya rraagwe a re: “A ke direlwe selo se: Mphe sebaka sa dikgwedi di le pedi, ke ye kwa dithabeng, ke lelele bokgarebe jwa me, nna le balekane ba me.” Rraagwe a re: “Yaa,” mme a mo naya tsela kgwedi tse pedi. Morwadie a tsamaya, ene le balekane ba gagwe ba basetsana, a lelela bokgarebe jwa gagwe kwa dithabeng. Mme ya re dikgwedi tse pedi di sena go feta, a boela kwa go rraagwe, mme ene a mo direla ka fa maikanong a gagwe a o neng a a ikanne. Mme morwadie a se ka a itse monna. Jaanong ga nna tlwaelo mo Iseraeleng ya gore: Ka ngwaga le ngwaga bomorwadia Iseraele ba ya go opelela morwadia Ifetha wa kwa Gileate malatsi a le mane. Jaanong banna ba Eferaime ba kuiwa, ba ya kwa bokone, ba feta ba raya Ifetha ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa e rile o bolola go tlhabana le Baamone, wa se ka wa re bitsa go ya nao? Re tla go tshubela mo ntlong ya gago ka molelo.” Mme Ifetha a ba fetola a re: “Nna le morafe wa me re ne re le mo ntweng e kgolo thata le Baamone, ka lo kua, mme lwa gana go tla go mpholosa mo diatleng tsa bone. Jaanong ya re ke bona lo sa nthuse, ka tsenya bophelo jwa me mo kotsing, ka bololela Baamone, mme Morena a ba neela mo diatleng tsa me. Ke ka ntlha ya eng fa lo mpololetse kajeno go tlhabana le nna?” Ke fa Ifetha a kgobokanya banna botlhe ba Gileate, a tlhabana le Baeferaime, mme ba bolaya Baeferaime; ka gonne Baeferaime ba ne ba buile ba re: “Lo bafalodi ba Eferaime fela;” Gileate o fa gare ga Eferaime le Manase. Mme ba Gileate ba tseela Baeferaime matsibogo a Joretane. Jaanong e ne ya re fa motshabi wa Baeferaime a re: “Nteng ke tshele!” banna ba Gileate ba mmotse ba re: “A o Moeferaime?” Fa a re: “Nnyaya!” ba mmuise ba re: “E re Šibolethe!” Mme fa a re Sibolethe, a sa ele tlhoko go bua ka tshwanelo, ba mo tshware ba mmolae fa matsibogong a Joretane. Ka sebaka seo ga bolawa Baeferaime ba le 42 000. Ifetha e ne e le tlhogo ya Baiseraele dinyaga tse thataro. Ifetha wa kwa Gileate a ba a swa, a fitlhwa mo motseng wa gagwe kwa Gileate. Sehularong sa gagwe Baiseraele ba okamelwa ke Ibesane wa kwa Betleheme. Ene o ne a na le bomorwa ba le 30, a nyadisa bomorwadie ba ba 30 ba tswa lapeng la gagwe, a ba a nyadisa bomorwawe basadi ba le 30 ba tswa kwa gongwe. A atlhola Iseraele dinyaga di supa. Ibesane a ba a swa, a fitlhwa mo Betleheme. Sehularong sa gagwe Baiseraele ba busiwa ke Elone wa Mosebulone; a etelela Iseraele pele dinyaga di le some. Elone wa Mosebulone a ba a swa, a fitlhwa kwa Ayalone, mo nageng ya Sebulone. Sehularong sa gagwe Baiseraele ba siamisediwa ke Abetone morwa Hilele wa kwa Phirathone. A na le bomorwa ba le 40 le bana ba bana ba le 30 ba ba palameng diesele di le 70. A siamisetsa Baiseraele dinyaga di le 8. Abetone morwa Hilele wa kwa Phirathone a ba a swa, a fitlhwa kwa Phirathone mo nageng ya Eferaime mo thabeng ya Amaleke. Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bafelesita dinyaga di le 40. Jaanong ga bo go le monna mongwe wa losika lwa ga Dane kwa Sorea, yo leina la gagwe e leng Manoa. Mosadi wa gagwe o ne a le moopa, a sa tshole bana. Mme moengele wa Morena a iponatsa mo mosading yoo, a mo raya a re: “Bona, o moopa, ga o belege bana. Mme o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. Mme jaanong a ko o itise; se nwe weine le fa e le bojalwa le e seng go ja sepe se se sa itshekang. Gonne bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. A go se tle logare mo tlhogong ya gagwe, gonne mosimane yoo o tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong jwa gagwe; o tla simolola go golola Baiseraele mo diatleng tsa Bafelesita.” Mosadi a ya, a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna wa Modimo o tlile kwa go nna; o ne a lebega jaaka Moengele wa Modimo, a boitshega thata, mme ga ke a mmotsa kwa a tswang teng; le ene ga a a mpolelela leina la gagwe. O ntheile a re: ‘Bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. Mme jaanong, se nwe weine le fa e le bojalwa, o se je sepe se se sa itshekang; gonne mosimane yoo, e tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong go ya letsatsing la loso lwa gagwe.’ ” Ke fa Manoa a rapela Morena a re: “Ao! Morena, a monna wa Modimo yo ò mo romileng, a ke a tle gape kwa go rona, a re rute tse re tshwanetseng go di direla mosimane yo o tla tsalwang.” Modimo wa utlwa lentswe la ga Manoa. Moengele wa Modimo a tla gape kwa mosading a ntse fa fatshe kwa tshimong, mme Manoa, monna wa gagwe, a se na nae. Ke fa mosadi a akofa, a taboga, a itsise monna wa gagwe, a mo raya a re: “Bona, monna yo o neng a tlile kwa go nna maloba o iponaditse gape mo go nna.” Manoa a nanoga, a sala mosadi wa gagwe morago, a fitlha kwa monneng yole, a mmotsa a re: “A ke wena monna yo o buileng le mosadi?” A re: “Ke nna.” Manoa a re: “Jaanong fa lefoko la gago le dirafala, mosimane o tshwanetse go phela jang le go dira eng?” Moengele wa Morena a araba Manoa a re: “A mosadi a itise mo go tsotlhe tse ke di mmoleletseng. A a se je sepe se se tswang mo setlhareng sa moweine; a se ka a nwa weine le fa e le bojalwa; a se ka a ja sepe se se sa itshekang. Tsotlhe tse ke di mo laetseng a a di tshegetse.” Ke fa Manoa a raya Moengele wa Morena a re: “Nte re go die, re go baakanyetse potsane.” Mme Moengele wa Morena a fetola Manoa a re: “Le fa o ka ntia, ga ke ne ke ja dijo tsa gago. Mme fa o rata go direla Morena setlhabelo sa phiso, se baakanye.” Kana Manoa o ne a sa itse fa e le Moengele wa Morena. Ke fa Manoa a botsa Moengele wa Morena a re: “Leina la gago ke mang gore re tle re go tlotle motlhang lefoko la gago le dirafalang?” Mme Moengele wa Morena a mo fetola a re: “O boletsang leina la me? Kana ke le le gakgamatsang!” Ke fa Manoa a tsaya potsane le tshupelo ya teng ya dijo, a direla Morena setlhabelo sa phiso mo godimo ga lefika, mme Morena a dira ka mokgwa o o gakgamatsang: Manoa le mosadi wa gagwe ba bona kgabo ya molelo e tlhatlogela kwa legodimong e tswa mo aletareng le Moengele wa Morena a tlhatloga a le mo kgabong ya aletare. Ya re Manoa le mosadi wa gagwe ba bona jalo, ba wela fa fatshe ka difatlhego. Mme Moengele wa Morena a se ka a tlhola a iponatsa gape mo go Manoa le e seng mo mosading wa gagwe. Ke fa Manoa a lemoga gore e ne e le Moengele wa Morena. Jaanong Manoa a raya mosadi wa gagwe a re: “Ruri, re tla swa, gonne re bonye Modimo.” Mme mosadi wa gagwe a mo fetola a re: “Fa Morena a ka bo a ratile go re bolaya, o ka bo a se ka a amogela setlhabelo sa phiso le tshupelo ya dijo mo diatleng tsa rona; le gona o ka bo a se ka a re bontsha dilo tsotlhe tse le e seng go re utlwisa tse re sa tswang go di utlwa jaanong.” Mosadi a ba a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Simesone. Mosimane a gola, mme Morena a mo tshegofatsa. Mowa wa Morena wa simolola go mo tlhotlheletsa a le mo bothibelelong jwa ga Dane fa gare ga Sorea le Ešethaole. Simesone o kile a ya kwa Thimena, a bona mosadi wa bomorwadia Bafelesita kwa Thimena. A boa a bolelela rraagwe le mmaagwe a re: “Ke bonye mosadi wa bomorwadia Bafelesita kwa Thimena. Mme jaanong ka re: Mo mpatleleng, e nne mosadi wa me.” Mme rraagwe le mmaagwe ba mmotsa ba re: “A ga go na mosadi ope mo go bomorwadia ba ga eno le mo morafeng otlhe wa ga rona, fa o ya go tsaya mosadi mo go Bafelesita ba ba sa rupang?” Mme Simesone a raya rraagwe a re: “Mo mpatlele, gonne ene o kgatlha matlho wa me.” Mme rraagwe le mmaagwe ba bo ba sa itse, fa seo se tswa mo Moreneng; ka gonne o ne a batla sesana-nkgope mo Bafelesiteng. Kana ka sebaka seo Bafelesita ba ne ba busa Baiseraele. Jaanong Simesone a ya kwa Thimena, a na le rraagwe le mmaagwe. Mme ya re ba fitlha kwa masimong a moweine a Thimena, tawana ya mo kgatlhantsha e duma. Ke fa Mowa wa Morena o tsena mo go ene ka thata, mme a e gagoganya jaaka go gagolwa potsane, a sa tshola sepe ka diatla. Mme a se ka a bolelela rraagwe le mmaagwe se a se dirileng. Jaanong a ya, a bua le mosadi yoo; a ne a kgatlha matlho a ga Simesone. Ya re morago ga malatsi a se kae a boela teng go mo nyala, a fapoga go ya go bona setoto sa tau ele, a fitlhela go le motshitshi wa dinotshe mo sekgoropeng sa tau le mafura a tsona. A a rafela mo diatleng, a tsamaya a ntse a a ja; a ya kwa go rraagwe le mmaagwe, a ba naya, ba a ja, mme a se ka a ba bolelela, fa a rafile mafura a dinotshe mo sekgoropeng sa tau. Ya re rraagwe a fitlha kwa mosading yoo, Simesone a baakanya moletlo teng, ka makau a ne a dira jalo. Ya re Bafelesita ba mmona, ba tlisa balekane ba le 30 gore ba nne nae. Bao Simesone a ba raya a re: “A nke ke lo tlhabele nyepo. Fa lo ka e mphuthololela mo malatsing a supa a moletlo, lwa e lemoga, foo ke tla lo naya dihempe di le 30 le diaparo tsa mokgabo di le 30. Mme fa lo palelwa ke go e ntepololela, lona lo tshwanetse go mpha dihempe di le 30 le diaparo tsa mokgabo di le 30.” Ba mo araba ba re: “E tlhabe, re e utlwe.” A e ba bolela a re: “Dijo tsa tswa mo mojing, botshe jwa tswa mo go mong wa thata.” Ga feta malatsi a le mararo ba ntse ba palelwa ke go e lepolola. Ya re ka letsatsi la bone ba raya mosadi wa ga Simesone ba re: “Kgona monna wa gago gore a re lepololele nyepo eo, e se re gongwe ra go fisa le ntlo ya ga rraago. A lo re laleditse go tla go re humanegisa gongwe nnyaya?” Ke fa mosadi wa ga Simesone a lela fa go ene a re: “O ntlhoile, ga o nthate. O tlhabetse ba ga etsho nyepo, mme ga o a e ntshebela.” A mo araba a re: “Bona, ga ke a e bolelela rre le mme. A o a re nka e go bolelela?” Mme mosadi a lela fa go ene malatsi a supa a ba neng ba tshwere moletlo ka ona. Ya re ka letsatsi la bosupa, a e mo sebela, gonne o ne a mo emeletse thata. Mosadi a e sebela ba ga gabo. Ka letsatsi la bosupa le ise le phirime banna ba motse ba mo raya ba re: “Se se gaisang mafura a dinotshe ka botshe ke eng? Se se phalang tau ka thata ke eng?” Mme a ba fetola a re: “Fa lo ka bo lo se ka lwa lema ka moroba wa me, lo ka bo lo se ka lwa lemoga nyepo ya me.” Ke fa Mowa wa Morena o tsena mo go ene, a ya kwa Ašekalone, a bolaya banna ba le 30 ba teng, a tsaya diaparo tsa mokgabo tsa bone, a di naya ba ba lepolotseng nyepo ya gagwe. Mme a tuka bogale, a boela kwa ga gabo. Mme mosadi wa ga Simesone a neelwa molekane wa gagwe, yo e neng e le motshwari mo nyalong ya gagwe. Ya re morago ga malatsi a se kae ka sebaka sa kotulo ya mabele a korong, Simesone a etela mosadi wa gagwe ka potsane a re: “Nte ke tsene kwa mosading wa me mo ntlwaneng;” mme rraagwe a se ka a mo dumelela go tsena. Rraagwe a re: “Ke itheile ka re: Ga o tlhole o mo rata; ka mo neela molekane wa gago. A ga ke re: Monnawe o mo gaisa ka bontle. A ene e nne wa gago mo boemong jwa yole.” Mme Simesone a ba raya a re: “Gona fa nka se nne molato fa pele ga Bafelesita, fa ke ba direla bosula.” Ke fa Simesone a ya a tshwara diphokojwe di le 300, a tsaya metswaiso, a bofaganya megatla ya tse pedi le tse pedi, a bofelela motswaiso o le mongwe fa gare ga megatla e mebedi mo go tse tsotlhe. Mme ya re a sena go tshuba metswaiso a di lesa, tsa tshabela kwa masimong a Bafelesita, tsa tshuba mabele a a sa leng letlhakeng le a a mo seboaneng le masimo a moweine le a ditlhare tsa olefa. Ke fa Bafelesita ba botsa ba re: “Ke mang yo o dirileng jalo?” Ba re: “Ke Simesone mogwe wa monna wa kwa Thimena, ka gonne o mo amogile mosadi, a mo neela mongwe-ka-ene.” Ka moo Bafelesita ba bolola, ba fisa mosadi le rraagwe ka molelo. Mme Simesone a ba raya a re: “Fa lo dira tse di ntseng jalo, ruri, ga nkitla ke ikhutsa ke ise ke ipusolosetse mo go lona.” Ke fa a ba remaganya dirope le matheka, ya nna polao e kgolo; morago a tsamaya a ya go nna mo logageng lwa Etame. Mme Bafelesita ba bolola, ba thibelela mo nageng ya Juta; ba anama kwa Legi. Banna ba Juta ba botsa ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo re bololetse?” Ba re: “Re bolotse go golega Simesone gore re mo direle jaaka a re diretse.” Ke fa banna ba le 3 000 ba Juta ba fologela kwa logageng lwa Etame, ba raya Simesone ba re: “A ga o itse gore Bafelesita ba a re busa? Jaanong ke eng se o se re diretseng?” A ba araba a re: “Ke ba diretse fela jaaka ba ntiretse.” Ba mo raya ba re: “Re tsile go go golega le go go neela mo diatleng tsa Bafelesita.” Simesone a ba raya a re: “Inkaneleng pele gore ga lo kitla lo mpolaya ka losi.” Ba mo araba ba re: “Nnyaya, re tla go golega fela, re go neela mo diatleng tsa bone, mme ruri ga re kitla re go bolaya.” Jaanong ba mo golega ka dithapo tse pedi tse dintšhwa, ba mo ntsha mo logageng. Ya re a fitlha kwa Legi, Bafelesita ba mo kgatlhantsha, ba ntse ba thela lešalaba. Mme Mowa wa Morena wa tsena mo go ene; dithapo tse di neng di le mo mabogong a gagwe tsa nna jaaka ditlhale tse di fisitsweng ke molelo; dikgole tse a golegilweng ka tsona tsa kumagana, a bofologa mabogo. A bona lotlhaa lo lošwa lwa esele, a ntsha letsogo, a lo tsaya, a bolaya banna ba le sekete ka lone. Ke fa Simesone a boka a re: “Ka lotlhaa lwa esele ke ba dirile mekoa ya ditoto; ka lotlhaa lwa esele ke bolaile banna ba le sekete.” Ya re a sena go bua jalo, a latlha lotlhaa lo a neng a lo tshwere, a bitsa felo foo Mmoto-wa-lotlhaa. Mme ya re a nyorilwe thata a lelela Moreneng a re: “Ke wena o dirileng pholoso e kgolo e ka letsogo la motlhanka wa gago. A jaanong ke tla swa ka lenyora, ke wela mo diatleng tsa ba ba sa rupang?” Ke fa Modimo o phantsha khuti e e kwa Legi go tswa metsi mo go yona. Ya re a nwa, a boelwa ke nonofo, a phela. Ke ka moo e bidiwang Motswedi wa moledi; o sa le teng kwa Legi le kajeno. A siamisetsa Iseraele mo metlheng ya Bafelesita dinyaga di le 20. Simesone o kile a ya kwa Gasa, a bona mosadi wa seaka teng, a tsena kwa go ene. Ya re ba Gasa ba begelwa go twe: “Simesone o tsile mono,” ba mo dikanyetsa, ba mo lalela bosigo jotlhe kwa kgorong ya motse; ba lala ba didimetse fela ba re: “E tla re mo mosong boo sa, re mmolae.” Mme Simesone a robala fela go fitlha bosigogare; bosigogare a tsoga, a tshwara ditswalo tsa kgoro ya motse le disana tsoo pedi tsa tsona, a di somola mmogo le mephakarego, a di sikara magetleng, a di isa kwa setlhoeng sa thaba e e lebaganyeng le Heberone. Morago ga moo a rata mosadi mo molapong wa Soreke; leina la gagwe e ne e le Delila. Dikgosana tsa Bafelesita tsa tla kwa go ene, tsa mo raya tsa re: “Mo tlakise gore o lemoge kwa thata e kgolo ya gagwe e tswang teng le ka fa re ka mo kgonang ka teng gore re tle re mo golege, re mo fenye. Foo mongwe le mongwe wa rona o tla go naya diselefera di le 1 100.” Ke fa Delila a mo raya a re: “A ko o mpolele gore thata ya gago e kgolo ka eng? O ka golegwa ka eng go go fenya?” Simesone a mo raya a re: “Fa ba ka mpofa ka mesifa e supa e mešwa e e iseng e omelele, ke tla nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.” Dikgosana tsa Bafelesita tsa mo tlisetsa mesifa e supa e mešwa e e iseng e omelele; a mo golega ka yona. Jaanong ya re ba ntse ba mo laletse mo ntlwaneng, a mo raya a re: “Simesone, Bafelesita ba a go wela!” Ke fa a kgaola mesifa jaaka go kgaolwa megala ya lelodi, fa e utlwa molelo. Mme sephiri sa thata ya gagwe sa se ka sa itsiwe. Ke fa Delila a raya Simesone a re: “Bona, o ntsieditse, o mpoleletse maaka! Jaanong a ko o ntshebele gore o ka golegwa ka eng?” A mo araba a re: “Fa ba ka mpofa ka megala e mešwa e go iseng go dirwe tiro epe ka yona, ke tla nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.” Delila a tsaya megala a mešwa, a mo golega ka yona. A ba a mo raya a re: “Simesone, Bafelesita ba a go wela!” Ba ntse ba mo laletse mo ntlwaneng. Mme a di kgaola jaaka ditlhale, a bofologa mabogo. Ke fa Delila a raya Simesone a re: “Go fitlha jaanong o ntsieditse, o mpoleletse maaka. Mpolelele tlhe gore o ka golegwa ka eng?” A mo araba a re: “Fa o ka loga makaodi a supa a tlhogo ya me mmogo le ditlhale tse di logwang, wa a kokotela ka lomapo mo loboteng, foo ke tla nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.” Jaanong a mo robatsa, a loga makaodi a supa a tlhogo ya gagwe mmogo le ditlhale tse di logwang, a a kokotela ka lomapo; a ba a mo raya a re: “Simesone, Bafelesita ba a go wela!” Mme a tsoga borokong jwa gagwe, a somola lomapo mmogo le lesela le le logilweng. Ke fa Delila a mo raya a re: “O ka bua jang o a re, o a nthata, etswe pelo ya gago e sa re sepe ka nna. E setse e le gararo o ntse o ntsietsa, o sa mpolele gore thata ya gago e kgolo ka eng.” Mme ya re ka a mo tshwenya ka mafoko a gagwe ka malatsi aotlhe, a mo emeletse, a fela pelo, mo e keteng a ka swa, a mmolelela tsotlhe tse di mo pelong ya gagwe, a mo raya a re: “Logare ga lo ise lo tle mo tlhogong ya me, gonne ke moikiledi wa Modimo go tswa botsalong jwa me. Fa nka beolwa, thata ya me e ka ntlogela; ke ka nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.” Ya re Delila a bona, fa a mmoleletse sephiri sa pelo ya gagwe sotlhe, a roma a bitsa dikgosana tsa Bafelesita a re: “Tlayang jaanong, gonne o mpoleletse sephiri sa pelo ya gagwe sotlhe.” Dikgosana tsa Bafelesita tsa tla kwa go ene, di tshotse diselefera. Delila a mo robatsa a mo farile, a ba a bitsa monna yo mongwe, mme a beola makaodi a supa a tlhogo ya gagwe. Ke fa a simolola go koafala, mme thata ya gagwe ya mo tlogela. Ke fa Delila a re: “Simesone, Bafelesita ba a go wela!” Mme ya re a thanya borokong jwa gagwe, a ithaya a re: “Ke tla tswa jaaka gangwe le gape, ke ikgolola,” mme a sa itse, fa Morena a mo tlogetse. Mme Bafelesita ba mo tshwara, ba mo gonya matlho, ba mo isa kwa Gasa, ba mo golega ka dikeetane tse pedi tsa kgotlho, mme tiro ya gagwe ya nna go sila mo ntlong ya kgolegelo. Mme ya re a sena go beolwa, moriri wa tlhogo ya gagwe wa tlhoga gape. Jaanong tsatsi le lengwe dikgosana tsa Bafelesita tsa kgobokana go tlhabela Dagone, modimo wa bone, ditlhabelo tse dikgolo le go itumela. Ke fa ba opela ba re: “Modimo wa rona o neetse Simesone, mmaba wa rona, mo diatleng tsa rona!” Ya re batho ba mmona, ba boka modimo wa bone ba re: “Modimo wa rona o neetse Simesone, mmaba wa rona, mo diatleng tsa rona; ke ene yo o sentseng lefatshe la rona, a bolaya ba bantsi ba rona!” Mme ya re dipelo tsa bone di itumela, ba re: “Bitsang Simesone, a tle go re tshamekela.” Ba bitsa Simesone, a tswa mo ntlong ya kgolegelo, a tshameka fa pele ga bone, ba mmeile fa gare ga dipinagare tsa ntlo. Mme Simesone a raya mosimane yo o neng a mo tshwere letsogo a re: “Nte ke apaape dipinagare tse di rweleng ntlo gore ke ikaege ka tsona.” Kana ntlo e ne e tletse banna le basadi le dikgosana tsotlhe tsa Bafelesita di le teng; le mo godimo ga ntlo go le banna le basadi, e ka nna ba le kete tse tharo, ba ntse ba lebile metshameko ya ga Simesone. Mme Simesone a rapela Morena a re: “Morena Modimo, a ko o nkgopole, o ntiise ka nako eno fela, Modimo, gore ke ipusolosetse mo Bafelesiteng ka pusoloso e le nngwe ka ntlha ya matlho a mabedi a me.” Ke fa Simesone a tshwara dipinagare tse di rweleng ntlo, a di kgarametsa, nngwe ka le le jang le e nngwe ka la molema. Mme Simesone a re: “A ke swe le Bafelesita!” A ba a inama a ntse a kgarametsa ka thata. Ke fa ntlo e wela dikgosana le batho botlhe ba ba mo go yona. Batho ba o ba bolaileng jalo mo losong lwa gagwe ba ne ba feta ba o ba bolaileng mo bophelong jwa gagwe. Jaanong ga tla bomorwa-rraagwe le ba kgotla ya ga rraagwe botlhe, ba mo tsaya, ba mo tlosa, ba ya go mo fitlha fa gare ga Sorea le Ešethaole mo mabitleng a ga Manoa rraagwe. O ne a siamiseditse Iseraele dinyaga di le 20. Go ne go le monna kwa dithabeng tsa Eferaime yo leina la gagwe e leng Miga. Ene a raya mmaagwe a re: “Mma, diselefera di le 1 100 tse di utswilweng mo go wena, bona, diselefera tseo di mo go nna. Ke nna ke di tsereng. Kana o hutsitse khutso ka ntlha ya tsona; le gona o e buile mo ditsebeng tsa me.” Ke fa mmaagwe a re: “A morwaake a tshegofadiwe ke Morena!” A busetsa mmaagwe diselefera di le 1 100 jalo, mme mmaagwe a re: “Diselefera tseo ke di tlhaoletse Morena, ke di ntsha ka ntlha ya ga morwaake go dira modimo wa seseto le o o bopilweng. Mme jaanong ke rata go di go busetsa.” Mme a busetsa mmaagwe diselefera tseo; mmaagwe a tsaya diselefera di le 200, a di neela mothudi; ene a dira modimo wa seseto le o o bopilweng ka tsona; wa ba wa nna mo ntlong ya ga Miga. Miga, monna yoo o ne a na le tempelana ya medimo, a dira khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa, a dira mongwe wa bomorwawe moperesiti, a nna moperesiti wa gagwe. Ka sebaka seo go ne go se na kgosi mo Iseraeleng; mongwe le mongwe a dira tse di kgatlhang matlho a gagwe. Jaanong go ne ga tla lekau le tswa kwa Betleheme wa Juta kwa losikeng lwa Juta. E ne le Molefi, a tlile teng go jaka. Monna yoo o ne a tlogile kwa Betleheme motseng wa Juta, a ile go jaka fa a ka bonang tiro teng. Jaanong a fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga a le mo tseleng. Miga a mmotsa a re: “O tswa kae?” A mo araba a re: “Ke Molefi wa Betleheme wa Juta. Ke mo tseleng go jaka fa nka bonang tiro teng.” Miga a mo raya a re: “Nna le nna, o nne rre le moperesiti wa me; ke tla go naya diselefera di le some ka ngwaga le diaparo le dijo.” Mme ya re a emelela Molefi, a dumela go nna le monna yoo; lekau leo la nna mo go ene jaaka mongwe wa bomorwawe. Mme Miga a tsenya Molefi mo tirong; lekau leo la nna moperesiti wa gagwe, la nna mo ntlong ya ga Miga. Ke fa Miga a re: “Jaanong ke a itse gore Morena o tla ntirela molemo; gonne ke na le moperesiti wa Molefi.” Mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraeleng. Ya re ka sebaka seo ba lotso lwa Dane ba ipatlela kabelo ya naga, fa ba ka nnang teng; gonne kabelo e ne e ise e wele mo diatleng tsa bone mo gare ga ditso tsa Iseraele go fitlha letsatsing leo. Jaanong Badane ba roma banna ba batlhano ba losika lwa bone, ba romilwe ke lotso lotlhe, e le banna ba ba pelokgale; ba tloga kwa Sorea le kwa Ešethaole go tlhola lefatshe le go le sekaseka. Ba ba laela ba re: “Yaang lo sekaseke lefatshe.” Bone bao ba fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga, ba lala teng. Ya re ba le mo lapeng la ga Miga, ba lemoga lentswe la lekau la Molefi, ba ya teng, ba mmotsa ba re: “Ke mang yo o go tlisitseng, kwano? O dira eng mono? O batlang mono?” A ba araba a re: “Miga o ntiretse jaana le jaana, a nthapa gore ke nne moperesiti wa gagwe.” Ba mo kopa ba re: “A ko o botse Modimo, re tle re itse gore a leeto la rona le re le tsamayang le tla nna le letlhogonolo?” Moperesiti a ba araba a re: “Tsamayang ka kagiso! Leeto la lona le lo le tshwereng, le fa pele ga Morena.” Ke fa banna ba batlhano ba ya ba fitlha kwa motseng wa Laiše, ba bona batho ba ba mo go ona ba agile mo thagamong ka fa melaong ya Basitone, ba iketlile, ba sa boife sepe, go se na ope yo o utlwisang botlhoko mo lefatsheng leo ka go thukhutha khumo; le gona ba le kgakala le Basitone, ba sa kgathalale batho ba bangwe. Ya re ba fitlha gape kwa go ba ga bone kwa Sorea le Ešethaole, ba ga bone ba ba botsa ba re: “Go ntse jang?” Ba araba ba re: “Nanogang a re yeng re ba tlhasele! Gonne re bonye lefatshe lele, ra fitlhela le le molemo thata. Jaanong a lo a re lo a itulela? Lo se ka lwa nna ditshwakga go ya le go fitlha le go thopa lefatshe leo! E tla re lo fitlha, lo gorogele fa bathong ba ba iketlileng le mo lefatsheng le le atlhameng mo ntlheng tsotlhe. Kana Modimo o le neetse mo diatleng tsa lona; ke felo fa go sa tlhokafaleng sepe teng sa dilo tse di mo lefatsheng.” Ke fa go huduga banna ba le 600 ba losika lwa Badane, ba tloga kwa Sorea le kwa Ešethaole, ba tlhometse dibolai tsa ntwa. Ba bolola, ba thibelela kwa Khiriathe-Jearime wa Juta. Ke ka moo felo foo go bidiwang Bothibelelo jwa Badane go fitlha letsatsing leno. Go mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya Khiriathe-Jearime. Go tswa teng ba fetela kwa dithabeng tsa Eferaime, ba gorogela fa ntlong ya ga Miga. Jaanong banna ba batlhano ba ba kileng ba ya go tlhola lefatshe la Laiše ba simolola go bua, ba raya ba ga bone ba re: “A lo a itse gore mo matlong a go na le khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa le modimo wa seseto le o o bopilweng. Lo itse jaanong se lo tshwanetseng lwa se dira.” Ba ya teng, ba fitlha kwa ntlong ya lekau la Molefi e e leng ntlo ya ga Miga, ba le botsa matsogo. Jaanong ya re banna ba Badane ba ba 600 ba ba tlhometseng dibolai tsa ntwa ba ntse ba eme fa kgorong, banna ba batlhano ba ba kileng ba ya go tlhola lefatshe ba ya kwa tempelaneng, ba tsena teng, ba tsaya modimo wa seseto le khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa le modimo o o bopilweng, moperesiti ene a ntse a eme le banna ba ba 600 ba ba tlhometseng dibolai tsa ntwa kwa mojakong wa kgoro. Mme bale ba ba tsenyeng mo ntlong ya ga Miga, ya re ba ntse ba tsaya modimo wa seseto le khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa le modimo o o bopilweng, moperesiti a ba botsa a re: “Lo dira eng?” Ba mo fetola ba re: “Didimala, se tlhole o bua! Yaa le rona, o nne rraarona le moperesiti wa rona. Se se botoka mo go wena ke eng? A ke go nna moperesiti wa lelapa la monna a le mongwe gongwe go nna moperesiti wa lotso, wa losika mo go Iseraele?” Ke fa pelo ya moperesiti e ja monate, mme a tsaya khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa le modimo wa seseto le modimo o o bopilweng, a ema mo gare ga batho bao. Jaanong ba retologa, ba tsamaya, ba eteletsa bana le diruiwa le dikhumo pele. Ya re ba setse ba le kgakala le ntlo ya ga Miga, ga kuiwa banna ba ba mo malapeng a a mo tikologong ya ntlo ya ga Miga, ba latela Badane. Ya re ba tlhaeletsa Badane, bone ba retolola difatlhego, ba botsa Miga ba re: “O batla eng, fa o re latetse ka batho ba gago?” A fetola a re: “Lo tsere medimo ya me e ke e dirileng le moperesiti, lwa tloga. Jaanong ke saletswe ke eng? Lo ka botsa jang lo re: ‘O batla eng?’ ” Mme Badane ba mo raya ba re: “Se utlwatse lentswe la gago mo go rona, e se re gongwe banna ba mowa o o galakang ba lo wela, mme wa nyelelelwa ke bophelo jwa gago le maphelo a ba lapa la gago!” Jaanong Badane ba ikela kwa pele. Mme ya re ka Miga a bona gore ba thata bogolo go ene, a retologa, a boela kwa gae. Ya re ba sena go tsaya medimo e Miga a e dirileng le moperesiti yo o neng a na nae ba fitlha ba wela Laiše, ba tlhasela batho ba ba mo thagamong ba ba iketlileng, ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka, ba fisa motse oo ka molelo. Go ne go se na mopholosi; gonne ona o ne o le kgakala le Sitone; le gona ba sa kgathalele batho ba bangwe. Motse oo o ne o le mo lebaleng la Bethe-Rehobe. Badane ba tsosa motse oo, ba nna mo go ona. Ba taya motse leina la Dane ka leina la ga Dane rraabo yo o belegetsweng Iseraele. Mme pele ga foo leina la motse oo e ne e le Laiše. Mme Badane ba ikemisetsa modimo ole wa seseto. Jonathane morwa Geresome, morwa Moše, ene le ba lotso lwa gagwe e ne e le baperesiti ba lotso lwa ga Dane go fitlha letsatsing le ba ntshitsweng mo lefatsheng ka lone. Ba ikemisetsa modimo wa seseto wa ga Miga jalo o ene a o dirileng; wa nna teng ka malatsi otlhe a Tempelana ya Modimo e neng e le kwa Silo ka ona. E rile ka malatsi ale, fa go ise go nne kgosi mo Iseraeleng, monna wa Molefi a bo a jaka kwa mafelelong a dithaba tsa Eferaime, mme a tsere mosadi wa nyatsi wa kwa Betleheme wa Juta. Mme nyatsi ya gagwe ya mo ngalela, ya mo tlogela, ya ya kwa ga yona kwa Betleheme wa Juta, ya nna teng malatsi a dikgwedi tse nne. Ke fa ene monna yoo wa gagwe a tloga, a mo latela gore a ye go bua nae tsa lorato, a mmuse; a ya, a na le motlhanka wa gagwe le diesele di le pedi. Mosadi yoo a mo isa mo ntlong ya ga rraagwe; ya re rraagwe mosetsana a mmona, a itumela, a mo kgatlhantsha. Mme mogwagwadiagwe, rraagwe mosetsana a mo thibela go tsamaya, mo a bileng a nna nae malatsi a le mararo, ba a ja, ba a nwa, ba lala teng. Ka letsatsi la bone ba phakela mo mosong, mme a tsoga a re o a tsamaya, mme rraagwe mosetsana a raya mogwe wa gagwe a re: “Itiise ka thathana ya bogobe! Morago ga moo lo ka tsamaya.” Ba nna, ba a ja ba nwa mmogo ka bobedi jwa bone, mme rraagwe mosetsana a raya monna yoo a re: “A ko o dumelele go lala gape gore pelo ya gago e itumele.” Mme ya re monna a nanoga a re o a tsamaya, mogwagwadiagwe a mo rapela thata. Ke fa a boa, a lala gape. Ka letsatsi la botlhano a phakela mo mosong a re o a tsamaya, mme rraagwe mosetsana a mo raya a re: “A ko o tiise pelo ya gago, lo iketle go ya tshokologong ya letsatsi.” Mme ba ja ka bobedi jwa bone. Jaanong monna yoo a nanoga a re o a tsamaya a na le nyatsi ya gagwe le motlhanka wa gagwe, mme mogwagwadiagwe rraagwe mosetsana, a mo raya a re: “A ko o bone, letsatsi le ngotlegile, le ya phirimong. A ko o lale, bona, letsatsi le ya go wela. Lala mono gore pelo ya gago e itumele. Lo tla tsoga lo phakela, lo wela tseleng ya lona lo ya kwa gae.” Mme monna a gana go lala gape; a nanoga a tsamaya a fitlha go lebagana le Jebusi, e bong Jerusalema, a na le diesele tse pedi tse di belesitsweng le nyatsi ya gagwe le motlhanka wa gagwe. Ya re ba le kwa Jebusi, letsatsi la bo le le gaufi le go phirima, ke fa motlhanka a raya morena wa gagwe a re: “A ga re ka ke ra fapogela kwa motseng o wa Bajebusi, ra lala mo go ona?” Mme morena wa gagwe a mo raya a re: “Ga re kitla re fapogela kwa motseng wa ba sele ba e seng Baiseraele. Re tla fetela kwa Gibea.” A ba a raya motlhanka wa gagwe a re: “A re fetele kwa motseng o mongwe, re lale kwa Gibea gongwe kwa Rama.” Ba feta ba ya pele, ba phirimelelwa ba le gaufi le Gibea wa Benyamene. Ba fapogela teng gore ba tsene, ba lale mo Gibea; ya re ba sena go tsena, ba nna fa fatshe mo patlelong ya motse, mme go se na ope yo o ba tsholelang mo ntlong gore ba robale. Mme ya re go le mantsiboana, ga tla monna mogolo, a tswa tirong ya gagwe kwa masimong. Monna yoo e ne e le wa kwa dithabeng tsa Eferaime, a phela mo Gibea e le moeng. Banna ba felo foo e ne e le Babenyamene. Ya re monna mogolo a tsholetsa matlho, a bona monna wa moeti mo patlelong ya motse, a botsa a re: “O tswa kae? O ya kae?” A mo araba a re: “Re mo tseleng, re tswa kwa Betleheme wa Juta, re boela kwa ga rona kwa mafelelong a dithaba tsa Eferaime. Ke ne ke ile kwa Betleheme wa Juta; jaanong ke ya kwa Tempelaneng ya Morena, mme ga go na ope yo o ntsholelang mo ntlong. Re tshotse dikokole le dijo tsa diesele tsa rona; le gona re tshotse mefago ya senkgwe le weine ya me le ya lelata la gago le ya motlhanka yo o nang le motlhanka wa gago. Ga go na sepe se se tlhokafalang.” Ke fa monna mogolo a re: “Baya pelo, se tshwenyege! Fela tse o di tlhokang ke tla go babalela ka tsona. O se ka wa lala mo patlelong.” Jaanong a mo isa mo ntlong ya gagwe, a naya diesele dijo; ba tlhapa dinao, ba a ja, ba a nwa. Ya re ba ntse ba itumedisa dipelo tsa bone, ga tla banna ba motse, banna ba dikebeke, ba dikanyetsa ntlo, ba itaya setswalo, ba raya monna mogolo mong wa ntlo, ba re: “Ntsha monna yo o tlileng mo ntlong ya gago gore re tle re mo senye.” Mme monna yoo, mong wa ntlo a tswela kwa go bone, a ba raya a re: “Nnyaya, ba ga etsho! A lo ke lo se ka lwa dira bosula jo bo kalo! Jaanong ka monna yoo a setse a gorogetse mo ntlong ya me, se direng tiro e e tlhabisang ditlhong e! Bonang, morwadiake wa lekgarebe le nyatsi ya gagwe ke ba, nteng ke ba ntshe. Ba senyeng, lo dire ka bone ka fa lo ratang ka teng, mme monna yoo lo se ka lwa mo direla selo se, se se tlhabisang ditlhong.” Mme banna bao ba gana go mo utlwa. Ke fa monna yole a tshwara nyatsi ya gagwe, a e ntshetsa kwa ntle kwa go bone; mme ba e senya, ba dira ka yona ka fa ba ratang ka teng bosigo jotlhe go ya mosong. E rile mahube a tlhatloga, ba e tlogela. Ya re boo sa, ga tla mosadi yoo, a wela fa fatshe fa mojakong wa ntlo ya monna e morena wa gagwe a neng a le mo go yona, a namalala teng go ya mosong. Jaanong ya re morena wa gagwe a tsoga mo mosong, a bula setswalo sa ntlo, a tswa a re o tsamaela pele, a fitlhela mosadi, e bong nyatsi ya gagwe, a namaletse fa mojakong wa ntlo, diatla tsa gagwe di le fa serepoding. A mo raya a re: “Tsoga, re tsamae!” Mme a se ka a araba, ka a sule. Jaanong a mo tsaya, a mmelesa mo eseleng. Monna yoo a tloga jalo, a ya kwa ga gabo. Ya re a sena go fitlha kwa gae, a tsaya thipa, a tshwara setoto sa nyatsi ya gagwe, a se kgaoganya ka fa ditokololong tsa sona, a dira dikarolo di le 12, a di romela kwa dinageng tsotlhe tsa Iseraele. Mme botlhe ba ba neng ba di bona ba re: “Tse di ntseng jalo ga di ise di ke di dirafale le e seng go bonwa ka gope go tloga letsatsing le Baiseraele ba duleng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go tla go fitlha letsatsing leno. Di eleng tlhoko ka pelo, gakololang lo bue!” Ke fa Baiseraele botlhe ba bolola; phuthego ya phuthegela kwa Mitsepha fa pele ga Morena ka seopo se le sengwe go tswa kwa Dane go ya kwa Bereseba le ba lefatshe la Gileate. Ga ikemisa ditlhogo tsotlhe tsa morafe le ditso tsotlhe tsa Iseraele mo pitsong ya morafe wa Modimo e le banna ba le 400 000 ba dinao ba ba somolang tšhaka. Babenyamene ba ne ba utlwa gore Baiseraele ba tlhatlogetse kwa Mitsepha. Jaanong Baiseraele ba re: “Bolelang gore bosula joo bo dirafetse jang?” Ga araba monna yole wa Molefi, monna wa mosadi yo o bolailweng, a bolela a re: “Ke ne ka fitlha fa Gibea maloba yo o mo nageng ya Benyamene, nna le nyatsi ya me, ra lala teng. Ke fa beng ba Gibea ba ntsogela, ba dikanyetsa ntlo bosigo ka ntlha ya me, ba ikaeletse go mpolaya, mme ba senya nyatsi ya me, mo a bileng a swa. Ka ba ka tsaya nyatsi ya me, ka mo kgaoganya dikarolo, ka di romela kwa dinageng tsotlhe tsa lefatshe la Baiseraele; gonne ba dirile tiro e e tlhabisang ditlhong ya boikepo mo Iseraeleng. Jaanong lo teng fano, lona Baiseraele botlhe. Sekang kgang e, lo ntshe kgakololo fano.” Ke fa morafe otlhe o ema ka bongwefela o re: “A go se nne ope wa rona yo o boelang kwa tenteng ya gagwe le e seng ope wa rona yo o fapogelang kwa ntlong ya gagwe. Mme jaanong se re tla se direlang Gibea ke se: A re mmololeng ka fa tengweng! A e re mo lotsong longwe le longwe lwa Iseraele banna ba ba 100 ba ntshe lesome, ba ba 1 000 ba ntshe 100, ba kete tse some ba ntshe 1 000, ba ye go tseela morafe mefago. Mme e re ba sena go boa, re direle Gibea wa Benyamene tse di tshwanetseng tiro yotlhe e e tlhabisang ditlhong e ba e dirileng mo Iseraeleng.” Jaanong banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela motse oo wa Gibea, ba golagantswe ka maikutlo a le mangwe. Mme ditso tsa Iseraele tsa roma banna kwa lotsong lotlhe lwa ga Benyamene, tsa re: “Ke bosula jo bo ntseng jang jo bo dirafetseng mo go lona? Jaanong he, ntshang banna bao ba dikebeke ba ba mo Gibea gore re ba bolae, re tlose bosula mo Iseraeleng.” Mme Babenyamene ba gana go utlwa se se bolelwang ke Baiseraele bomorwa-rraabo. Mme Babenyamene ba phuthegela kwa Gibea, ba tswa mo metseng ya bone gore ba bolole go tlhabana le Baiseraele. Ya re ka letsatsi leo go balwa Babenyamene ba ba tswang kwa metseng, ya bo e le banna ba le 26 000 ba ba somolang tšhaka; baagi ba Gibea ba balwa ba le bosi, ya nna banna ba le 700 ba ba tlhaotsweng. Mo bathong botlhe bao go ne go tlhaotswe banna ba le 700 ba ba melema; botlhe bao e le ba ba maroka, ba itse go konopa ka seragamajwe, ba se ke ba fosa. Le banna ba Iseraele ba balwa kwa ntle ga Babenyamene, e le banna ba le 400 000 ba ba somolang tšhaka, botlhe bao e le batlhabani. Jaanong Baiseraele ba tloga ba tlhatlogela kwa Bethele, ba botsa Modimo ba re: “Ke bomang mo go rona ba ba tshwanetseng go etelela pele le go simolola ntwa le Babenyamene?” Morena a re: “A go simolole Bajuta.” Jaanong Baiseraele ba tsoga mo mosong, ba dikanyetsa Gibea ka ntwa. Banna ba Iseraele ba bolola go tlhabana le Babenyamene; banna ba Iseraele ba ikemisa ka thulaganyo ya ntwa ba lebile Gibea. Mme Babenyamene ba bolola ba tswa mo Gibea, ba bolaya banna ba Iseraele ba le 22 000 ka letsatsi leo, ba ba digela fa fatshe. Mme banna ba morafe wa Iseraele ba itiisa, ba ikemisa gape ka thulaganyo ya ntwa mo felong fa ba neng ba dirile jalo ka letsatsi la ntlha. Mme pele ga foo Baiseraele ba ne ba tlhatlogetse kwa Bethele, ba lela fa pele ga Morena go ya mantsiboeng. Ba botsa Morena ba re: “A re tshwanetse go atamela gape go tlhabana le Babenyamene, bomorwa-rraarona?” Morena a re: “Ba bololeng!” Mme ya re Baiseraele ba atamela Babenyamene ka letsatsi la bobedi, Babenyamene ba bolola, ba ba kgatlhantsha, ba tswa mo Gibea ka letsatsi la bobedi, ba bolaya banna ba le 18 000 ba Baiseraele gape, ba ba digela fa fatshe. Botlhe bao e le ba ba neng ba tshotse ditšhaka. Ke fa batlhabani botlhe ba Iseraele ba tlhatlogela kwa Bethele, ba nnela go lela teng fa pele ga Morena, ba itima dijo ka letsatsi leo go ya mantsiboeng, ba direla Morena ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo. Baiseraele ba botsa Morena. (Kana Letlole la Kgolagano ya Modimo le ne le le teng ka malatsi ao. Phinehase morwa Eleasare morwa Arone o ne a tshwere tirelo fa go lone ka sebaka seo.) Ba re: “A re tshwanetse go bolola gape go tlhabana le Babenyamene bomorwa-rraarona kampo re lese?” Morena a re: “Bololang, gonne kamoso ke tla ba neela mo diatleng tsa lona.” Jaanong Baiseraele ba beela Gibea balaledi mo tikologong. Baiseraele ba bololela Babenyamene ka letsatsi la boraro, ba ikemisa ka thulaganyo ba lebile Gibea jaaka gangwe le gape. Ke fa Babenyamene ba tswa ba kgatlhantsha morafe, ba katosiwa motse, ba gogelwa kwa nageng le kwa ditseleng tse dikgolo tse nngwe ya tsona e yang kwa Bethele, e nngwe kwa Gibea, ba simolola go bolaya bangwe ba morafe jaaka gangwe le gape, e ka nna banna ba le 30 ba Iseraele. Babenyamene ba ithaya ba re: “Re ba fentse jaaka pele.” Mme Baiseraele ba ne ba rile: “A re tshabeng, re ba gogele kwa ditseleng tse dikgolo, re ba tlogedise motse.” Jaanong banna botlhe ba Iseraele ba tloga fa ba neng ba le teng, ba ya ba ikemisa kwa Baale-Thamare; le balaledi ba Iseraele ba tswa mo felong ga bone, ba tlhagelela mo lebaleng la sekgwa sa Geba; ba fitlha ka fa ntle ga Gibea, e le banna ba le 10 000 ba ba tlhaotsweng mo Baiseraeleng botlhe, mme tlhabano ya nna bokete. Fela Babenyamene ba ne ba sa lemoge, fa tatlhego e ba wela. Morena o ne a itaya Babenyamene jalo ka Baiseraele. Baiseraele ba bolaya banna ba Benyamene ba le 25 100 ka letsatsi leo, botlhe bao e le ba ba somolang tšhaka. Ke fa Babenyamene ba lemoga gore ba fentswe. Kana Baiseraele ba ne ba sutetse Babenyamene, ka ba ne ba ikanya balaledi ba ba ba beetseng Gibea. Mme balaledi ba ne ba tlhasetse motse ka tshoganyetso; ba bolaya motse otlhe ka bogale jwa tšhaka. Gape banna ba Iseraele ba ne ba utlwanye le balaledi gore ba kuise musi mogolo mo motseng. Jaanong ya re banna ba Iseraele ba retologa mo tlhabanong le Babenyamene ba simolola go bolaya banna bangwe ba Iseraele, e ka nna ba le 30, ka ba ithaya ba re: “Ruri, re ba fentse gape jaaka mo tlhabanong ya ntlha.” Ya baa gona musi o simololang go tlhatloga mo motseng, e le musi o ntse lonaka. Jaanong ya re Babenyamene ba retologela kwa morago, ba bona musi wa motse otlhe o tlhatlogela kwa legodimong. Ke fa banna ba Iseraele ba boa, mme banna ba Benyamene ba tseana; gonne ba ne ba lemoga gore tatlhego e a ba wela. Ba hularela banna ba Iseraele, ba tshabela kwa sekakeng, mme tlhabano ya ba latela. Metse e ba fetang ka yona, ba bolawa ke beng ba yona. Ba dikanyetsa Babenyamene, ba ba khutšhela, ba ba tshwarela fa ba reng ba ikhutsa teng, ba eta ba ba gataka go ya go fitlha kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya Gibea. Ga wa banna ba le 18 000 ba Benyamene, botlhe bao e le batlhabani. Jaanong ba retologa, ba tshabela kwa sekakeng kwa lefikeng la Rimone, mme Baiseraele ba bolaya banna ba le 5 000 mo ditseleng tse dikgolo e le maronopo; ba ba latelela go ya kwa Giteome, ba bolaya banna ba le 2 000 ba bone gape. Banna botlhe ba Benyamene ba ba bolailweng ka letsatsi leo ba ne ba le 25 000 ba ba somolang tšhaka, botlhe bao e le bagale. Mme banna ba le 600 ba hulara ba tshabela kwa sekakeng kwa lefikeng la Rimone, ba nna kwa lefikeng la Rimone dikgwedi tse nne. Jaanong banna ba Iseraele ba boela kwa go Babenyamene, ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka, e bong batho ba metse le diruiwa le sengwe le sengwe se ba se fitlhelang. Le gona ba fisa metse yotlhe ka molelo. Banna ba Iseraele ba ne ba ikanne kwa Mitsepha ba re: “Go se ka ga nna ope mo go rona yo o nayang Mobenyamene morwadie go nna mosadi.” Jaanong ya re batho ba sena go fitlha kwa Bethele, ba nna teng go fitlha mantsiboa fa pele ga Modimo, ba tsholetsa mantswe, ba lela selelo se segolo, ba re: “Morena Modimo wa Iseraele, ke ka ntlha ya eng, fa selo se, se dirafetse mo Iseraeleng; fa kajeno go tlhokafala lotso longwe lwa Iseraele?” Mme ya re kamoso batho ba phakela, ba aga aletare teng, ba dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo. Jaanong Baiseraele ba botsa ba re: “Ke mang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele yo o se kang a tla mo pitsong kwa Moreneng?” Gonne go ne go dirilwe maikano a magolo a gore, yo o sa tleng kwa Moreneng kwa Mitsepha, ruri o tla bolawa. Kana Baiseraele ba ne ba tlhomogela Babenyamene bomorwa-rraabo pelo ba re: “Kajeno go kgaotswe lotso longwe mo Iseraeleng. Jaanong ba ba setseng re ka ba direla jang gore ba bone basadi? Gonne rona re ikanne ka Morena ra re: ‘Ga re kitla re ba naya bomorwadia-rona go nna basadi.’ ” Ba botsa ba re: “Ke mang mo ditsong tsa Iseraele yo o se kang a tla kwa Moreneng kwa Mitsepha?” Ba fitlhela gore ba kwa Jabese kwa Gileate ba ne ba sa tla pitsong mo bothibelelong. Ke fa ba bala morafe ka maina, ba fitlhela go se na ope wa baagi ba Jabese kwa Gileate. Jaanong phuthego ya roma banna ba le 12 000 ba batlhabani teng, ya ba laela ya re: “Yaang lo bolae baagi ba Jabese kwa Gileate ka bogale jwa tšhaka le basadi le bana. Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Banna botlhe le basadi botlhe ba ba kileng ba kopana le monna lo ba bolae. Mme makgarebe a a phepa lo a lese go phela.” Ba dira jalo. Mo baaging ba Jabese kwa Gileate ba fitlhela basetsana ba makgarebe ba le 400 ba ba iseng ba itse monna; ba ba isa kwa bothibelelong kwa Silo yo o mo lefatsheng la Kanana. Jaanong phuthego yotlhe ya roma, ya bua le Babenyamene ba ba neng ba le kwa lefikeng la Rimone, ya ba bolelela gore go kagiso. Babenyamene ba ne ba boa jalo ka sebaka seo, ba newa basadi ba ba lesitsweng go phela mo basading ba Jabese kwa Gileate, mme ba se ka ba ba lekana. Mme morafe wa tlhomogela Babenyamene pelo, ka Morena a ne a ntshitse ntho mo ditsong tsa Iseraele. Bagolo ba phuthego ba botsa gape ba re: “Ba ba setseng re ka ba direla jang gore ba bone basadi? Gonne basadi ba Babenyamene ba fedisitswe.” Gape ba re: “Babenyamene ba ba falotseng ba ka thusega jang gore lotso loo lo se ka lwa nyelediwa mo go Iseraele? Rona re palelwa ke go ba naya basadi ba e leng bomorwadia-rona; gonne re le Baiseraele re ikanne ra re: ‘Go hutsitswe yo o nayang Mobenyamene morwadie go nna mosadi.’ ” Jaanong ba re: “Bonang, ka ngwaga le ngwaga go na le moletlo wa Morena kwa Silo yo o mo ntlheng ya bokone ya Bethele, mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya tsela e kgolo e e tswang kwa Bethele e ya kwa Šegeme mo ntlheng ya borwa ya Lebona.” Mme ba laela Babenyamene ba re: “Yaang lo lalele mo masimong a meweine. Mme e re fa lo bona bomorwadia Silo ba tswela kwa ntle go bina dipina, lo tswe mo masimong a meweine, mme mongwe le mongwe wa lona a ikgapele mosadi mo go bomorwadia Silo, lo ye ka bone kwa nageng ya Benyamene. Mme e re fa borraabo gongwe bokgaitsadia-bone ba tla go lwa le lona, lo ba fetole lo re: ‘Re itshwareleng! Gonne ga re a bona basadi rotlhe ka ntwa. Kana ga se lona lo ba re neetseng. Gonne foo lo ka bo lo le molato.’ ” Babenyamene ba dira jalo; ba tsaya ka fa palong ya bone, ba ba thopa mo go ba ba neng ba bina; ba tloga ba boela kwa nageng ya bone, ba aga metse, ba nna mo go yona. Le Baiseraele ba itsamaela ka sebaka seo; mongwe le mongwe a ya kwa ga gabo kwa kabelong ya gagwe. Ka sebaka seo go ne go se na kgosi mo Iseraeleng; mongwe le mongwe a dira tse di kgatlhang matlho a gagwe. E rile ka malatsi a puso ya baatlhodi ga nna tlala mo lefatsheng. Ke fa monna mongwe wa kwa Betleheme wa Juta a ya go jaka kwa nageng ya Moabe, ene le mosadi wa gagwe le bomorwawe ka bobedi. Leina la monna yoo e ne e le Elimelege, leina la mosadi wa gagwe e le Naomi, maina a bomorwawe ba babedi e le Magelone le Kileone. E ne e le Baeferathi ba Betleheme wa Juta. Jaanong ba fitlha kwa nageng ya Moabe, ba nna teng. Mme Elimelege monna wa ga Naomi a swa, ga sala Naomi le bomorwawe ba babedi. Bone ba nyala basadi ba Bamoabe; leina la mongwe e le Orepha, leina la yo mongwe e le Ruthe. Ya re ba sena go nna teng dinyaga tse e ka nnang di le some, ga ba ga swa Magelone le Kileone ka bobedi jwa bone; mosadi a sala a tlogetswe ke bana ba babedi ba gagwe le monna wa gagwe. Jaanong a nanoga a na le betsi ba gagwe, a boa kwa nageng ya Moabe; gonne o ne a utlwetse mo nageng ya Moabe ga twe, Morena o babaletse batho ba gagwe, a ba naya dijo. A tloga kwa felong fa a neng a le teng, betsi ba babedi ba gagwe ba na nae. Ya re ba le mo tseleng go boela kwa lefatsheng la Juta, Naomi a raya betsi ba babedi ba gagwe a re: “Yaang lo boele kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la ga mmaagwe. A Morena a lo direle ka lorato jaaka lo diretse baswi le nna. A Morena a lo thuse go bona boikhutso, mongwe le mongwe mo lapeng la monna wa gagwe.” A ba a ba atla. Ke fa ba tsholetsa mantswe ba lela, ba mo raya ba re: “Nnyaya, re tla boela nao kwa morafeng wa ga eno.” Mme Naomi a re: “Boang, bomorwadiaka! Lo ka elang le nna? A lo a re, ke sa ntse ke ka belega bomorwa go nna banna ba lona? Boang, bomorwadiaka, lo ye kwa gae. Gonne ke tsofetse, mo ke sa ka keng ka tlhola ke nyalwa ke monna. Le fa nka re, ke na le tsholofelo, ka tsewa ke monna bosigo jo, ka belega bomorwa: A lo ka ba leta go tsamaya ba gola? A lo ka ithibelela nyalo ka ntlha ya bone? Nnyaya, bomorwadiaka! Kana ke lo tlhomogela pelo thata, ka e le fa letsogo la Morena le nkotlile.” Ke fa ba tsholetsa mantswe, ba lela gape; mme Orepha a atla matsalaagwe, a boela kwa morafeng wa ga gabo. Ruthe ene a mo ngaparela. Ke fa Naomi a re: “Bona, monnao o boetse kwa morafeng wa ga gabo le kwa modimong wa ga gabo. Le wena, boa o latele monnao.” Mme Ruthe a re: “Se nkemelele gore ke go tlogele, ke boe ke se ye nao. Gonne kwa o yang teng, ke tla ya teng; kwa o nnang teng, ke tla nna teng. Morafe wa ga eno ke morafe wa ga etsho. Modimo wa gago ke Modimo wa me. Kwa o swelang teng, ke tla swela teng, ke be ke fitlhwa gona. Le fa Morena a ka ntirela jang le jang – ke loso fela lo lo ka nkgaoganyang nao.” Ya re Naomi a lemoga gore Ruthe o ikaeletse ka tlhomamo go ya nae, a khutla go bua nae. Bone babedi ba fetela pele go ya ba tsena mo Betleheme; mme ya re ba fitlha mo Betleheme, motse otlhe wa huduega ka ntlha ya bone. Basadi ba re: “A ke ene Naomi?” Mme a ba raya a re: “Se mpitseng Naomi. Mpitseng Mara. Gonne Mong-wa-thata-yotlhe o ntiretse tse di galakang thata. Ke hudugile ke humile; Morena a mpusetsa kwano gae ke iphotlhere. Lo mpiletsang Naomi, ka e le fa Morena a supile molato mo go nna; Mong-wa-thata-yotlhe a nkutlwisa botlhoko.” Naomi o ne a boela jalo kwa gae, a na le ngwetsi wa gagwe, Ruthe wa Moabe yo o neng a boile nae kwa nageng ya Moabe. Ba fitlha mo Betleheme ka tshimologo ya thobo ya garase. Naomi o ne a na le tsala ya monna wa gagwe, e le monna wa senatla yo o humileng wa losika lwa ga Elimelege; leina la gagwe e ne e le Boase. Tsatsi le lengwe Ruthe wa Moabe a kopa Naomi a re: “Nte ke ye go ronopa diako kwa masimo, ke latele yo ke bonang bopelotlhomogi mo matlhong a gagwe.” A mo araba a re: “Yaa, morwadiaka!” A ya a fitlha a sela mo tshimong, a setse basegi morago; mme a dirafalelwa ke letlhogonolo ka go tsena mo tshimong ya ga Boase yo e leng losika le Elimelege. E rile go ise go ye kgakala, Boase a ba a goroga, a tswa kwa Betleheme, a dumedisa basegi a re: “A Morena a nne le lona!” Ba mo araba ba re: “A Morena a go tshegofatse!” Mme Boase a botsa motlhanka wa gagwe, e bong mookamedi wa basegi, a re: “Mosetsana yole ke wa ga mang?” Mookamedi wa basegi a mo araba a re: “Ke ene mosetsana wa Moabe yo o tsileng le Naomi kwa nageng ya Moabe. O kopile a re: ‘Ka thapelo, nte ke ronope, ke sele diako mo gare ga dingata, ke sale basegi morago.’ Fa e sa le a tla, o ntse a tshwere go tloga mo mosong go fitlha jaanong. Ga a nne fa fatshe mo tshimong.” Ke fa Boase a raya Ruthe a re: “Reetsa fa, morwadiaka! O se ka wa ya go sela kwa tshimong e sele; le gona o se ka wa tloga fa, mme o nne le basetsana ba me fano. Lebisa matlho a gago mo tshimong e ba e robang, o ba sale morago. Ke laetse batlhanka gore ba se ka ba go tshwenya. Fa o nyorilwe ya kwa dinkgong, o nwe metsi a a gilweng ke batlhanka.” Ke fa Ruthe a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba, a mo raya a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, wa ntlhokomela ka tsalano ke le moeng?” Boase a araba, a mo raya a re: “Kana ke boleletswe tsotlhe sentle tse o di diretseng matsalaago, monna wa gago a sena go swa, wa tlogela rraago le mmaago le lefatshe la ga eno, wa tla kwa morafeng o ò neng o sa o itse pele. A Morena, a go duelele tiro ya gago; tuelo e e tletseng o e fiwe ke Morena, Modimo wa Iseraele, yo ò tlileng go batla botshabelo fa tlase ga diphuka tsa gagwe.” Ruthe a re: “A ke nne ke bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago, morena wa me! Gonne o nkgomoditse, wa bua le lelata la gago ka bopelontle, le fa ke sa tshwane le ope wa malata a gago.” Ka nako ya go ja Boase a mo raya a re: “Atamela kwano o itseele dijo o je, o ine thathana ya gago mo motatsweng.” A tla a nna fa thoko ga basegi mme Boase a mo abela dipabe. A ja, a kgora, a ba a sadisa. Ya re a nanoga go sela, Boase a laela batlhanka ba gagwe a re: “A a sele le mo gare ga dingata! Se mo tlhabiseng ditlhong! Le gona lo nne lo mo somolele diako mo dingateng, lo di tlogele gore a di sele, mme lo se ka lwa mo omanya.” A sela jalo mo tshimong go ya mantsiboeng, a photha tse a di sedileng. Ya nna makapa a le mabedi a garase. A e rwala, a ya kwa motseng, a bontsha matsalaagwe tse a di sedileng. A ba a ntsha dijo tse a di sadisitseng a sena go ja, a di mo naya. Ke fa matsalaagwe a mmotsa a re: “O tlhotse o sedile kae kajeno, o tswa go dira kwa kae? A go tshegofadiwe yo o go tlhokometseng ka tsalano!” Mme a bolelela matsalaagwe gore o ne a tlhotse a dira le mang a re: “Leina la monna yo ke tlhotseng ke dira fa go ene kajeno ke Boase.” Mme Naomi a raya ngwetsi wa gagwe a re: “A a tshegofadiwe ke Morena yo o se kang a tlhokisa baphedi le baswi lorato lwa gagwe!” Naomi a ba a mo raya a re: “Monna yoo ke wa ga etsho; ke mongwe wa bagolodi ba rona.” Ruthe wa Moabe a re: “O bile a nthaya a re: ‘O nne le malata a me go fitlhelela ba fetse thobo yotlhe ya me.’ ” Ke fa Naomi a araba Ruthe ngwetsi wa gagwe a re: “Go molemo, morwadiaka, fa o ya le basetsana ba gagwe; foo ga o ne o tshwenyega mo masimong a sele.” A nna jalo le basetsana ba ga Boase, a ntse a sela go ya bokhutlong jwa thobo ya garase le jwa thobo ya mabele a korong. O ne a ntse a nna le matsalaagwe. Mme Naomi a raya ngwetsi wa gagwe a re: “Morwadiaka, kana ke tshwanetse go go batlela legae la boikhutso gore o phele sentle. Jaanong Boase yo ò neng o na le basetsana ba gagwe, kana ene ke wa ga etsho. Bona, o tla lala a olosa garase mo seboaneng bosigong jono. Tlhapa o iphotle o apare diaparo tsa gago tsa mokgabo, o fologele kwa seboaneng; o se ka wa nta monna yoo a go lemoga a ise a fetse go ja le go nwa. Mme e re a ya go robala, o lebelele fa a robalang teng, o ye o bipolele fa dinaong tsa gagwe, o robale; foo ene o tla go bolelela se o tshwanetseng go se dira.” Ruthe a mo araba a re: “Ke tla dira tsotlhe tse o di ntaetseng.” A fologela kwa seboaneng, a dira tsotlhe fela jaaka matsalaagwe a mo laetse. E rile Boase a sena go ja le go nwa, mme pelo ya gagwe e itumetse, a ya a robala fa thoko ga mokoa wa garase; ke fa Ruthe a tla a ngwangwaela, a bipolela fa dinaong tsa gagwe, a robala. Ya re gare ga bosigo monna yoo a tshoga, a kanamologa, a fitlhela mosadi a robetse fa dinaong tsa gagwe. A botsa a re: “O mang?” A araba a re: “Ke nna Ruthe, lelata la gago; phuthololela lelata la gago diphuka tsa gago; gonne ke wena mogolodi.” Boase a re: “O tshegofadiwe ke Morena, morwadiaka. Lorato lo lwa gago lo gaisa lwa pele, ka o se ka wa latela makau, le fa e le a a humanegileng gongwe a a humileng. Mme jaanong, morwadiaka, se boife. Tsotlhe tse o di buileng ke tla di go direla. Kana go itse mongwe le mongwe mo lekgotleng la morafe wa ga etsho, fa o le mosadi yo o maatlametlo. Jaanong he, ke nnete, ke nna mogolodi; mme le gona go na le mogolodi yo o tshwanetseng bogolo go nna. Lala fano bosigong jono. E re mo mosong, fa a ka go golola, go siame, a a go golole! Mme fa a sa kgatlhwe ke go go golola, foo nna – ka bophelo jwa Morena – ke tla go golola! Robala fano go ya mosong.” Ruthe a robala fa dinaong tsa gagwe go ya mosong, mme a tsoga phakela go ise go bonale. Gonne Boase o ne a re: “A go se ka ga itsiwe gore mosadi yoo o letse kwa seboaneng.” Boase a mo raya a re: “Tlisa kobo e o e apereng, o e ntshwarelele.” A e mo tshwarelela, mme Boase a mo tshelela dielo di le thataro tsa garase, a e mo rwesa. Jaanong Ruthe a ya kwa motseng. Ya re a fitlha, matsalaagwe a mmotsa a re: “Go ntse jang, morwadiaka?” Ruthe a mmolelela tsotlhe tse monna yoo o di mo diretseng, a re: “O mphile dielo di le thataro tseo tsa garase a re: ‘Ga o a tshwanela go fitlha kwa go matsalaago o iphotlhere fela.’ ” Mme Naomi a re: “Iketle, morwadiaka, go fitlhelela o be o itse gore kgang e, e felela kae; gonne monna yoo ga a kitla a ikhutsa a ise a fetse kgang e kajeno.” Boase a ya kwa kgotleng, a feta a nna fatshe. Ke fa mogolodi yole a feta, yo Boase a buileng ka ga gagwe. Boase a mmitsa a re: “Tlaa jaana, o nne fatshe, wena mangmang.” A fapogela teng, a nna fatshe. Jaanong Boase a bitsa banna ba bagolo ba motse ba le some a re: “Nnang fa!” Mme ba nna fatshe. Ke fa a raya mogolodi yole a re: “Naomi yo o boileng kwa nageng ya Moabe o rata go rekisa kabelo ya tshimo e e neng e le ya monna wa ga etsho, e bong Elimelege. Ke ne ka re, ke tla go begela jalo ke re: E reke fa pele ga ba ba dutseng fa le fa pele ga bagolo ba morafe wa ga rona. Fa o rata go e rekolola, e rekolole; fa o sa rate go e rekolola, o bolele gore ke itse. Gonne ga go na ope yo o ka e rekololang fa e se wena le nna yo ke fa morago ga gago.” A araba a re: “Ke tla e rekolola.” Mme Boase a re: “Ka letsatsi le o rekang tshimo eo mo diatleng tsa ga Naomi ka lone, o bile o amogela le Ruthe wa Moabe, mosadi wa moswi gore o tsose leina la moswi mo bosweng jwa gagwe.” Ke fa mogolodi yoo a re: “Ke palelwa ke go e ithekololela, e se re gongwe ka senya boswa jwa me. E ithekololele e ke neng ke tshwanetse go e rekolola; gonne ke a palelwa.” Jaanong mo metlheng ya pele go ne go le mokgwa mo Iseraeleng wa go re: Fa go rekololwa gongwe go ananngwa, motho a role setlhako sa gagwe, a se neele mongwe-ka-ene, e le go tlhomamisa mafoko aotlhe. Go re jalo e ne e le tshupo ya teng mo Iseraeleng. Mme mogolodi yoo a raya Boase a re: “E ithekele!” A ba a rola setlhako sa gagwe, a se mo neela. Ke fa Boase a raya bagolo le batho botlhe a re: “Lona lo basupi kajeno ba go re, ke rekile tsotlhe tse e neng e le tsa ga Elimelege le tsa ga Kileone le Magelone mo diatleng tsa ga Naomi. Le gona ke tsaya Ruthe wa Moabe, mosadi wa ga Magelone gore a nne mosadi wa me, mme ke tsose leina la moswi mo bosweng jwa gagwe, mme leina la moswi le se ka la nyelediwa mo gare ga bomorwa-rraagwe le mo lekgotleng la motse wa ga gabo. Lona lo basupi kajeno.” Batho botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng le bagolo ba araba ba re: “Re basupi! Mosadi yo o tla tsenang mo lapeng la gago a Morena a mo dire jaaka Ragele le Lea ba ba agileng lelapa la ga Iseraele ka bobedi jwa bone. Dira tse dikgolo mo Eferatha gore o nne le leina mo Betleheme. A lelapa la gago le tshwane le la ga Pherese yo Thamare a neng a mo tsholela Juta, a le nne jalo ka bana ba Morena o tla ba go nayang ka mosadi yoo, ka a sa le mošwa.” Jaanong Boase a tsaya Ruthe, a nna mosadi wa gagwe; ya re a sena go tsena kwa go ene, Morena a mo naya boimana, mme a belega ngwana wa mosimane. Ke fa basadi ba raya Naomi ba re: “A go bakwe Morena yo o se kang a go tlhokisa mogolodi kajeno. A leina la gagwe le tumisiwe mo Iseraeleng! E tla nna ene yo o go lapolosang pelo, yo o go tlamelang mo botsofeng jwa gago; gonne ngwetsi wa gago yo o go ratang o mmelege, ene o molemo mo go wena go feta bomorwa ba supa.” Mme Naomi a tsaya ngwana, a mo fara, a nna mmelegi wa gagwe. Basadi ba ba neng ba agile go bapa nae ba re: “Naomi o belegetswe ngwana.” Ba mo taya leina la Obete. Ke ene rraagwe Isai yo e leng rraagwe Dafita. Losika lwa ga Pherese ke lo: Pherese o ne a tsala Heserone; Heserone a tsala Rame; Rame a tsala Aminatabe; Aminatabe a tsala Nasone; Nasone a tsala Salema; Salema a tsala Boase; Boase a tsala Obete; Obete a tsala Isai; Isai a tsala Dafita. Go no go le monna mongwe wa kwa Rama wa losika lwa ga Sufe lwa kwa dithabeng tsa Eferaime. Leina la gagwe e ne e le Elekana morwa Jerohame morwa Elihu morwa Thohu morwa Sufe wa Moeferaime. O ne a na le basadi ba le babedi, leina la mongwe e le Hana, leina la yo mongwe e le Phenina. Phenina o ne a na le bana, mme Hana a se na bana. Monna yoo o ne a tloga ka ngwaga le ngwaga mo motseng wa ga gabo go ya go obamela Morena wa masomosomo le go mo tlhabela ditlhabelo kwa Silo. Teng go ne go le bomorwa Eli ba babedi, Hofeni le Phinehase, e le baperesiti ba Morena. Jaanong e ne ya re ka letsatsi le Elekana a dirang setlhabelo ka lone, a nee Phenina mosadi wa gagwe le bana botlhe ba gagwe ba basimane le ba basetsana dikabelo, mme a nee Hana kabelo e le nngwe e e kana ka tse pedi; gonne o ne a rata Hana bogolo, le fa Morena a mo timile bana. Mme mogadikae a bo a mo tlhoafaditse ka dikgobo gore a mo utlwise botlhoko, ka Morena a mo timile bana. Go ne go dirafala jalo ka ngwaga le ngwaga, fa go iwa kwa Ntlong ya Morena, Phenina a mo rumole, Hana a lele, a se ke a je. Mme Elekana monna wa gagwe a mo ree a re: “Hana, o lelelang? Ke eng fa o sa je? O utlwisitswe ke eng botlhoko? A ga ke molemo mo go wena go feta basimane ba le some?” E kile ya re ba sena go ja le go nwa kwa Silo, Hana a nanoga. Moperesiti Eli a ntse a dutse fa mojakong wa Tempelana ya Morena. Hana a lela thata, a rapela Morena ka pelo e e galakang, a ikana maikano a re: “Morena wa masomosomo, fa o ka leba pogisego ya lelata la gago, wa nkgopola, wa se ka wa lebala lelata la gago, wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, foo ke tla mo neela Morena ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe, mme ga a kitla a angwa ke logare mo tlhogong.” Jaanong ya re a ntse a rapela ka boleele fa pele ga Morena, Eli a ela molomo wa gagwe tlhoko. Gonne Hana o ne a bua ka pelo, go tshikinyega molomo fela, lentswe la gagwe le sa utlwale. Eli a gopola gore mosadi yo, o tagilwe. Jaanong Eli a mo raya a re: “O tla itshola jaaka letagwa go fitlha leng? Tlogela botagwa.” Mme Hana a fetola a re: “Nnyaya, morena wa me, ke mosadi yo o pelo e botlhoko. Weine le bojalwa ga ke a di nwa, mme ke tsholotse tsa pelo ya me fa pele ga Morena. O se ka wa kaya lelata la gago mosadi yo e seng wa sepe; gonne ke ntse ke buisiwa ke botlhoko jwa me le masetlapelo a magolo a me go fitlha jaanong.” Eli a mo fetola a re: “Tsamaya ka kagiso! Modimo wa Iseraele o tla go naya se o se kopileng mo go ona.” Hana a re: “A lelata la gago le bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago.” Jaanong mosadi yoo a tsamaya, a feta a ja; sefatlhego sa gagwe sa bo se sa tlhole se tlhontse. Ka moso ba phakela, ba obamela fa pele ga Morena; jaanong ba tsamaya ba boela kwa ga bone kwa Rama. Elekana a itse Hana mosadi wa gagwe, mme Morena a mo gopola. Hana a ithwala, a belega ngwana wa mosimane ka bofelo jwa ngwaga, a mo taya leina la Samuele; gonne a re: “Ke mo kopile Moreneng.” Jaanong ya re isago Elekana, monna yoo, a tlhatloga le botlhe ba lelapa la gagwe go tlhabela Morena ditlhabelo tsa ngwaga le tsa maikano a gagwe, Hana a se ka a tlhatloga, a raya monna wa gagwe a re: “Ke tla ya teng mosimane a sena go kgwa gore ke tle ke mo supe fa pele ga Morena, a nne teng ka bosakhutleng.” Elekana, monna wa gagwe, a mo raya a re: “Dira ka fa o bonang go siame ka teng. Sala mo gae go tsamaya o be o mo kgwise. Fela a Morena a dirafatse lefoko la gago.” Mosadi a sala mo gae, a amusa morwawe ga tsamaya a mo kgwisa. Mme e rile a sena go mo kgwisa, a tlhatloga ka ene, a na le poo ya dinyaga tse tharo le efa ya bupe e le nngwe le lekuka la weine; a mo isa jalo kwa Ntlong ya Morena kwa Silo, mme ngwana a bo a sa le monnye. Jaanong ba tlhaba poo, ba isa mosimane kwa go Eli. Hana a re: “Ka thapelo, morena wa me! Ka bophelo jwa gago, morena wa me! Ke nna mosadi yole yo o kileng a ema fano go wena go rapela Morena. Ke kopile mosimane yo, mme Morena o nneile se ke se kopileng mo go ene. Ka moo le nna ke mo neela Morena ka malatsi aotlhe a bophelo jwa gagwe. Kana o kopilwe mo Moreneng.” Mme Hana a mo tlogela teng fa pele ga Morena. Ke fa Hana a rapela a re: “Pelo ya me e dudueletsa Morena. Lonaka lwa me lo thatafaditswe ke Morena. Molomo wa me o bulegetse baba ba me. Gonne ke itumelela pholoso ya gago. Ga go na ope yo o boitshepo jaaka Morena; gonne ga go na ope kwa ntle ga gago; ga go na lefika le le tshwanang le Modimo wa rona. Se bueng tsa maikgantsho a magolo ka gale; a tsa matepe di se ka tsa tswa mo melomong ya lona. Gonne Morena ke Modimo o o itseng tsotlhe; ditiro di tlhatlhojwa ke ene. Mara a dinatla a robegile; mme ba ba theekelang ba itlamile ka thata. Ba ba neng ba kgora ba ile go jaka dijo; ba ba neng ba bolawa ke tlala ba a kgora. Moopa le ene o belege ba supa; mmabontsi o swabile. Morena o a bolaya, e bile o a phedisa; o folosetsa kwa felong ga baswi, e bile o tlhatlosa teng. Morena o a humanegisa, e bile o a humisa; o a kokobetsa, le gona o a godisa. O tsosa ba ba fokolang mo leroleng, o tsholetsa bahumanegi mo thotobolong go ba nnisa le batlotlegi; o ba ruisa sedulo sa bogosi sa kgalalelo. Gonne maotwana a lefatshe ke a Morena, o beile lefatshe mo go ona. O tla sireletsa dinao tsa baitshepi ba gagwe, mme baikepi ba tla swela mo lefifing; gonne motho ga a kgone sepe ka thata ya gagwe. Ba ba lwang le Morena ba tla phatlakanngwa; o tla ba dumisetsa maru kwa legodimong. Morena o tla atlhola dikhutlo tsa lefatshe, a naya kgosi ya gagwe thata, a natlafatsa lonaka lwa motlodiwa wa gagwe.” Jaanong Elekana a boela kwa lapeng la gagwe kwa Rama. Ngwana ene a sala, a direla Morena fa pele ga moperesiti Eli. Mme bomorwa Eli ba ne ba le bosula, ba sa re sepe ka Morena. Ba tlhokomologa tse di laoletsweng baperesiti mo morafeng. E ne ya re fa motho a tlhaba setlhabelo, go tle motlhanka wa moperesiti, nama e ntse e apewa, a tshotse seroophata; a tlhabe mo pitseng gongwe mo pitsaneng gongwe mo paneng gongwe mo sejaneng. Sengwe le sengwe se seroophata se se ntshang moperesiti a se itseele. Ba ne ba direla Baiseraele botlhe jalo ba ba tlang gona kwa Silo. Le gona e ne ya re ba ise ba tshube mafura, go tle motlhanka wa moperesiti, a ree monna yo o tlhabang setlhabelo a re: “Ntsha nama e e besediwang moperesiti. Gonne ga a ka ke a amogela nama e e apeilweng mo go wena fa e se e tala fela.” Mme e ne ya re fa motho a mo raya a re: “Mafura a tshwanetse go tshubiwa pele, morago ga moo o itseele ka fa o ratang ka teng!” ene a fetole a re: “Nnyaya! E mphe jaanong. Go seng jalo, ke tla e tsaya ka thata.” Boleo jwa makau ao bo ne bo le bogolo thata fa pele ga Morena, ka a ne a nyatsa tshupelo ya Morena. Mme Samuele o ne a ntse a direla fa pele ga Morena, e le mosimane yo o apereng khiba ya letseta. Le gona mmaagwe o ne a tle a mo direle kojwana, a mo tlele nayo ka ngwaga le ngwaga, fa a tlhatlogela teng le monna wa gagwe go tlhaba setlhabelo sa ngwaga. Foo Eli a tshegofatse Elekana le mosadi wa gagwe a re: “A Morena a go nee bana ka mosadi yo boemong jwa ngwana yo a mo kopileng, a mo tsalela Morena.” Jaanong ba ye kwa gae. Mme Morena a direla Hana molemo; a ithwala, a tshola gape bana ba basimane ba le bararo le ba basetsana ba le babedi. Mosimane Samuele ene a golela kwa Moreneng. Eli o ne a tsofetse thata. Fela e ne e tle e re fa a utlwa tsotlhe tse bomorwawe ba neng ba di direla Baiseraele botlhe le ka fa ba lalang ka teng le basadi ba ba direlang fa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho, a ba ree a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo dira dilo tse di bosula jalo, tse ke di utlwang mo morafeng otlhe o? Nnyaya, bomorwaaka! Tumedi e ke e utlwang ga e molemo. Lo leofisa morafe wa Morena. Fa motho a leofela motho, moatlhodi o ka mo atlholela. Mme fa motho a leofela Morena, ke mang yo o ka mo emelang?” Mme ba se ka ba utlwa lentswe la ga rraabo; gonne Morena o ne a ikaeletse go ba bolaya. Mme mosimane Samuele a nna a gola, a ratwa ke Morena le batho. Letsatsi le lengwe monna wa Modimo a tla kwa go Eli, a mo raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘A ga ke re, ke iponaditse sentle mo go ba ga eno, fa ba sa le kwa Egepeto mo taolong ya ga Farao? Ka ba itlhophela mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go nna baperesiti gore ba palame mo aletareng ya me go fisa maswalo le go apara khiba ya boperesiti fa pele ga me; ka naya ba ga eno ditlhabelo tsotlhe tse di dirwang ka molelo tsa Baiseraele. Ke ka ntlha ya eng fa lo nyatsa setlhabelo sa me le tshupelo ya me tse ke di laotseng go nna tsa moago wa me; ke eng fa o tlotla bomorwao bogolo go nna, lo inontsha ka tse di tlhaotsweng mo ditshupelong tsotlhe tsa Iseraele morafe wa me?’ Ke ka moo Morena Modimo wa Iseraele o buang a re: ‘Ka nnete ke ne ke rile: Ba lapa la gago le ba lapa la ga rraago ba tla sepela fa pele ga me ka bosakhutleng. Mme jaanong go kgakala le nna! Ke tla tlotla ba ba ntlotlang; mme ba ba nnyatsang ba tla nyatsega.’ Morena a re jalo. ‘Bona, malatsi a e tla a ke tla kgaolang letsogo la gago le letsogo la lelapa la ga rraago ka ona gore go se ka ga nna monna wa motsofe mo lapeng la gago. Mme tsotlhe tse di molemo tse Morena o di direlang Baiseraele o tla di leba ka khutsafalo. Ga o kitla o nna le motsofe mo lapeng la gago ka metlha yotlhe. Ke a le mongwe fela wa ga eno yo ke se neng ke mo nyeletsa, ke mo tlosa mo aletareng ya me, e se re gongwe ka ledisa matlho a gago le go tlhokofatsa pelo ya gago, mme botlhe ba ba tla tsalwang mo lapeng la gago ba tla swa ba ise ba tsofale. Sesupo mo go wena se se tla dirafalelang bomorwao ba babedi Hofeni le Phinehase ke sa go re: Ba tla swa ka letsatsi le le lengwe ka bobedi jwa bone. Mme ke tla itlhomela moperesiti yo o ikanyegang; o tla dira tse di mo pelong ya me le mo moweng wa me. Ke tla mo naya losika lo lo tlhomameng; o tla sepela fa pele ga motlodiwa wa me ka metlha yotlhe. Mongwe le mongwe wa masalela a lelapa la gago o tla tla, a mo ikôbêla go kopa ledi la selefera le kgolokwe ya senkgwe a re: A ko o ntsenye mo tirong ya boperesiti, ke tle ke je thathana ya senkgwe.’ ” Samuele wa lekau o ne a ntse a direla Morena fa pele ga Eli, mme lefoko la Morena le ne le tlhokafala thata ka sebaka seo, go se na dipono tse dintsi. Jaanong ga dirafala ka sebaka seo Eli a bo a robetse mo felong ga gagwe, mme matlho a gagwe a ne a simolotse go koafala, a sa kgone go bona sentle; lobone lwa Modimo lo ise lo time, Samuele ene a robetse mo Tempeleng ya Morena kwa Letlole la Modimo le leng teng. Ke fa Morena a bitsa Samuele. A araba a re: “Ke fano.” A ba a tabogela kwa go Eli a re: “Ke fano, ka o no o mpitsa.” Mme a fetola a re: “Ga ke a go bitsa. Boa o ye go robala.” A ya go robala. Jaanong Morena a bitsa Samuele gape. Samuele a tsoga, a ya kwa go Eli a re: “Ke fano, ka o ne o mpitsa.” A fetola a re: “Ga ke a go bitsa, morwaaka. Boa o ye go robala.” Kana Samuele o ne a ise a itse Morena; a ise a senolelwe lefoko la Morena. Morena a boela a bitsa Samuele la boraro. A tsoga, a ya kwa go Eli a re: “Ke fano, ka o ne o mpitsa.” Ke fa Eli a lemoga gore lekau le bidiwa ke Morena. Ka moo Eli a raya Samuele a re: “Yaa o robale. Mme e re fa o bidiwa gape, o arabe o re: ‘Bua, Morena, gonne motlhanka wa gago o reeditse.’ ” Samuele a ya, a robala gape mo felong ga gagwe. Ke fa Morena a tla, a ema, a bitsa jaaka kgantele a re: “Samuele, Samuele!” Samuele a araba a re: “Bua, gonne motlhanka wa gago o reeditse.” Morena a raya Samuele a re: “Bona, ke tla dira tiro mo Iseraeleng e ditsebe tse pedi tsa mongwe le mongwe yo o e utlwang di tla kuruetsang ka yona. Ka letsatsi leo ke tla dirafaletsa Eli tsotlhe tse ke di buileng ka ga lelapa la gagwe go tswa tshimologong go ya bokhutlong. Kana ke mo itsisitse ka re, ke tla atlhola lelapa la gagwe go ya bosakhutleng ka ntlha ya molato, ka a ne a itse gore bomorwawe ba dira se se ba ronang, mme a se ka a ba omanya. Ke ka moo ke ikanetseng lelapa la ga Eli ka re, molato wa lelapa la ga Eli ga o kitla o itshwarelwa ka setlhabelo le e seng ka tshupelo go ya bosakhutleng.” Samuele a lala fa fatshe go ya mosong. A tsoga phakela, a bula Ntlo ya Morena. Fela Samuele a boifa go begela Eli pono eo. Ke fa Eli a bitsa Samuele a re: “Samuele, morwaaka!” A araba a re: “Ke fano.” A mmotsa a re: “Ke eng se o se boleletsweng? A ko o se ntobele sepe. A Modimo o go betse jaana, o go okeletse jaana, fa o ka ntobela sengwe sa tsotlhe tse o di boleletsweng.” Ke fa Samuele a mmolelela mafoko aotlhe, a se ka a mo lobela sepe. Mme Eli a re: “Ke Morena. A a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe.” Samuele a gola, mme Morena a na nae, a se ka a leseletsa lefoko lepe la mafoko a gagwe go wela fa fatshe. Baiseraele botlhe go tswa kwa Dane go fitlha kwa Bereseba ba lemoga gore Samuele ke moporofeti yo o ikanyegang wa Morena. Morena a tswelela pele go iponatsa kwa Silo. Gonne Morena o ne a itshenolela Samuele kwa Silo ka lefoko la Morena. Mme lefoko la ga Samuele la tla kwa Baiseraeleng botlhe. Jaanong ka sebaka seo Bafelesita ba kgobokana go tlhabana le Baiseraele. Ke fa Baiseraele ba bolola go ba kgatlhantsha go tlhabana nabo, ba thibelela kwa Ebenesere, mme Bafelesita ba thibelela kwa Afeke. Jaanong ya re Bafelesita ba ema ka thulaganyo go kgatlhantsha Baiseraele, mme tlhabano e tlhaselana, Baiseraele ba fenngwa ke Bafelesita. Bao ba bolaya ba e ka nnang ba le 4 000 mo nageng ya tlhabano. Mme ya re banna ba fitlha kwa bothibelelong, bagolo ba Iseraele ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa Morena a re bolaisitse Bafelesita kajeno? A re yeng go itseela Letlole la Kgolagano ya Morena kwa Silo gore le tle mo gare ga rona, le tle le re golole mo diatleng tsa baba ba rona.” Ke fa morafe o roma kwa Silo, ba tsaya teng Letlole la Kgolagano ya Morena wa masomosomo yo o dutseng godimo ga boKerubime. Teng koo ga bo go le bomorwa Eli ba babedi, Hofeni le Phinehase, ba le fa Letloleng la Kgolagano ya Modimo, ba tla nalo. Ya re Letlole la Kgolagano ya Morena le tsena mo bothibelelong, Baiseraele botlhe ba duduetsa ka tuduetso e kgolo, mo lefatshe le bileng la duma. Ya re Bafelesita ba utlwa modumo wa tuduetso, ba re: “Tuduetso e kgolo e ke modumo wa eng mo bothibelelong jwa Bahebere?” Ya re ba lemoga gore Letlole la Morena le tsenye mo bothibelelong, ba boifa, gonne ba ne ba re: “Modimo wa bone o tlile kwa go bone kwa bothibelelong,” e bile ba re: “A tatlhego ya rona wee! Gonne ga go ise go ke go dirafale tse di ntseng jalo ka motlha ope. A tatlhego ya rona wee! Ke mang yo o tla re pholosang mo diatleng tsa medimo e e thata eo? Ke yona medimo e e bolaileng Baegepeto ka dipetso tsa mefutafuta mo sekakeng. Lona Bafelesita, itshupeng lo le bagale, lo eme senna, e se re gongwe lwa direla Bahebere jaaka bone ba lo diretse. Emang senna, lo tlhabaneng!” Bafelesita ba tlhabana, Baiseraele ba fenngwa, ba tshabela botlhe kwa ditenteng tsa bone. Ya nna polao e kgolo thata. Mo Baiseraeleng ga wa ba le 30 000 ba dinao. Le Letlole la Modimo la tsewa; le bomorwa Eli ba babedi, Hofeni le Phinehase ba swa. Mme monna wa Mobenyamene a tshaba mo tlhabanong, a siana, a fitlha kwa Silo ka letsatsi leo, a ikgagotse diaparo, a itshetse mmu mo tlhogong. A goroga, a fitlhela Eli a dutse mo sedulong fa thoko ga tsela a lebeletse, ka pelo ya gagwe e ne e boifela Letlole la Modimo. Monna yoo a tsena, a begela motse tse o di bonyeng. Ke fa motse otlhe o lela. Ya re Eli a utlwa modumo wa selelo a botsa batho a re: “Modumo wa tlhodio e ke wa eng?” Monna yole a akofa, a fitlha, a begela Eli. Eli o ne a le dinyaga di le 98; matlho a gagwe a ne a eme, a sa tlhole a bona. Monna yole a raya Eli a re: “Ke gorogile ke tswa kwa tlhabanong. Ke tshabile kwa tlhabanong kajeno.” Mme Eli a botsa a re: “Go ntse jang, morwaaka?” Mmegi a araba a re: “Baiseraele ba tshabile fa pele ga Bafelesita. Le gona morafe o bolailwe segolo, e bile bomorwao ba babedi, Hofeni le Phinehase, ba sule. Le Letlole la Modimo le tserwe.” Mme ya re a umaka Letlole la Modimo, Eli a wa mo sedulong, a wa ka sa morago fa thoko ga kgoro, a robega molala, a swa. Gonne o ne a tsofetse, e le monna yo o bokete. O ne a siamisitse Baiseraele dinyaga di le 40. Mme ngwetsi wa gagwe, mosadi wa ga Phinehase, o ne a ithwele, a le gaufi le go belega. Ya re ene a utlwa mafoko a a reng, Letlole la Modimo le tserwe le a a reng, go sule rratswalaagwe le monna wa gagwe, a kudupana, a belega, gonne leralalo la gagwe la mo tshwara. Jaanong ya re a swa, basadi ba ba emeng fa go ene ba re: “Se boife, gonne o belege ngwana wa mosimane.” Mme a se ka a araba le e seng go ela tlhoko. Mme a bitsa mosimanyana Ikabote, a re: “Kgalalelo e ile ya tlogela Iseraele;” a re jalo ka ntlha ya Letlole la Modimo le le thopilweng le ka ntlha ya ga rratswalaagwe le monna wa gagwe. A ba a re: “Kgalalelo e ile ya tlogela Iseraele; gonne Letlole la Modimo le tserwe.” Bafelesita ba ne ba tsaya Letlole la Modimo kwa Ebenesere, ba le isa kwa Ašetote. Jaanong Bafelesita ba tsaya Letlole la Modimo, ba le isa kwa ntlong ya Dagone, ba le baya fa thoko ga Dagone. Mme ya re ba Ašetote ba phakela kamoso, ba fitlhela Dagone a ole, a patlame fa pele ga Letlole la Morena. Ke fa ba tsaya Dagone, ba mmaya gape mo felong ga gagwe. Jaanong ya re ba phakela ka moso o mongwe, ba fitlhela Dagone gape a ole, a patlame fa pele ga Letlole la Morena, a kgaotswe tlhogo le diatla di le fa serepoding; go setse mmele wa gagwe fela. Ke ka moo baperesiti ba Dagone le botlhe ba ba tsenang mo ntlong ya Dagone ba sa gateng mo serepoding sa Dagone kwa Ašetote go fitlha letsatsing la kajeno. Seatla sa Morena sa nna sa imela ba Ašetote jalo, a ba senya, a ba otla ka ditlhagala, ba Ašetote le ba dinaga tsa teng. Ya re banna ba Ašetote ba bona go le jalo, ba re: “A Letlole la Modimo wa Iseraele le se ka la nna mo go rona; gonne seatla sa ona se re imela le Dagone modimo wa rona.” Jaanong ba roma, ba phuthela dikgosana tsotlhe tsa Bafelesita kwa go bone ba re: “Re ka dira eng ka Letlole la Modimo wa Iseraele?” Tsa re: “A Letlole la Modimo wa Iseraele le isiwe kwa Gathe.” Ke fa ba le isa teng. Mme ya re ba sena go le isa teng, seatla sa Morena sa lwa le motse oo ka tlhakatlhakanyo e kgolo thata, a otla banna ba motse oo ba bagolo le ba bannye, ba duwa ke ditlhagala. Ke fa ba romela Letlole la Modimo kwa Ekerone. Mme ya re Letlole la Modimo le fitlha kwa Ekerone, ba Ekerone ba goa ba re: “Ba tlisitse Letlole la Modimo wa Iseraele kwa go rona go re bolaya le morafe wa rona.” Ke fa ba roma ba phutha dikgosana tsotlhe tsa Bafelesita ba re: “Romelang Letlole la Modimo wa Iseraele kwa gongwe, a le boele kwa felong ga lone gore le se ka la re bolaya le morafe wa rona.” Motse otlhe o ne o tshogile lwa go swa. Seatla sa Modimo sa ba imela thata gona. Batho ba ba se kang ba swa ba bediwa ka ditlhagala; go lela ga motse ga tlhatlogela kwa legodimong. Letlole la Morena le ne le le mo nageng ya Bafelesita dikgwedi di supa. Jaanong Bafelesita ba bitsa baperesiti le baitseanape ba re: “Re ka dirang ka Letlole la Morena? Re akanyetseng gore re ka le romela jang kwa felong ga lone?” Ba re: “Fa lo rata go romela Letlole la Modimo wa Iseraele, lo se ka lwa le romela le se na sepe. Gonne lo tshwanetse go o ntshetsa setlhabelo sa molato. Foo lo tla fodisiwa, mme lo tla itse gore ke ka ntlha ya eng fa seatla sa ona se ne se sa lo tlogele.” Ba botsa ba re: “Setlhabelo sa molato re ka o ntshetsa se se ntseng jang?” Ba re: “A e nne ditlhagala di le tlhano tsa gouta le dipeba di le tlhano tsa gouta ka fa palong ya dikgosana tsa Bafelesita, gonne petso e lo wetse le dikgosana tsa lona ka go tshwana. Dirang ditshwantsho he tsa ditlhagala tsa lona le ditshwantsho tsa dipeba tsa lona tse di senyang lefatshe le, lo neele Modimo wa Iseraele tlotlo. Ka gongwe o tla tlhofofatsa letsogo la ona, le sa tlhole le lo imela le modimo wa lona le lefatshe la lona. Ke ka ntlha ya eng fa lo thatafatsa dipelo tsa lona jaaka Baegepeto le Farao ba ne ba thatafaditse dipelo tsa bone? A ga ke re, e rile Modimo o sena go ba bontsha thata ya ona, ba naya Baiseraele tsela, ba tsamaya! Mme jaanong tsayang tse di batlegang, lo dire koloi e ntšhwa, lo tsee dikgomo tse pedi tse di amusang, tse di iseng di ke di rwesiwe joko; lo golege dikgomo mo koloing, lo busetse dinamane tsa tsona kwa sakeng, di di hularele. Lo be lo tsee Letlole la Morena, lo le bee mo koloing le dilo tsa gouta tse lo di mo ntsheditseng go nna tshupelo ya molato, lo di tsenye mo letlojaneng fa thoko ga lone. Lo le bolotse jalo, le tsamae! Mme elang tlhoko: Fa le ya kwa nageng ya lone, le tlhatlogela kwa Betšhemeše, foo e tla bo e le ona Modimo o o re diretseng petso e kgolo e; mme fa go sa nna jalo, foo re tla itse gore ga se letsogo la ona le le re iteileng. Ke kotsi fela e e re wetseng e sa romelwa ke ope.” Batho ba dira jalo, ba tsaya dikgomo tse pedi tse di amusang, ba di golega mo koloing, ba tlhatlhela dinamane tsa tsona mo lesakaneng. Ba pega Letlole la Morena mo koloing le letlojana le le nang le dipeba tsa gouta le ditshwantsho tsa ditlhagala tsa bone. Mme dikgomo tsa tlhamalala fela le tsela e e yang kwa Betšhemeše; tsa tsamaya mo tseleng e kgolo e le nngwe di ntse di lela, mme di sa fapogele mo ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema. Dikgosana tsa Bafelesita tsa di sala morago go ya go fitlha nageng ya Betšhemeše. Ba Betšhemeše ba ne ba roba mabele mo lebaleng. Ya re ba tsholetsa matlho, ba bona Letlole, ba itumela go le bona. Koloi ya gorogela fa tshimong ya ga Jošua wa kwa Betšhemeše, ya ema teng. Ga bo go le lefika le legolo teng. Jaanong ba fatsa dikgong tsa koloi, dikgomo ba di tlhabela Morena, ba dira setlhabelo sa phiso. Balefi ba ne ba folositse Letlole la Morena le letlojana le le nang nalo le dilo tsa gouta di neng di le mo go lone, ba di beile mo lefikeng le legolo leo. Ka letsatsi leo banna ba Betšhemeše ba direla Morena ditlhabelo tsa phiso, ba mo tlhabela ditlhabelo. Ya re dikgosana tse tlhano tsa Bafelesita di sena go bona jalo, tsa boela kwa Ekerone ka letsatsi leo. Ditlhagala tsa gouta tse Bafelesita ba neng ba di direla Morena go nna tshupelo ya molato ke tse: Nngwe e ne e le ya Ašetote, e nngwe e le ya Gasa, e nngwe e le ya Ašekalone, e nngwe e le ya Gathe, e nngwe e le ya Ekerone. Ba di okeletsa dipeba tsa gouta ka fa palong ya metse yotlhe ya Bafelesita e e leng ya dikgosana tse tlhano, ya metse e e femetsweng le ya metsana e e sa agelelwang ya naga fela. Mme lefika le legolo le ba beileng Letlole la Morena mo go lone e ntse e le sesupo kwa tshimong ya ga Jošua wa kwa Betšhemeše go fitlha letsatsing la kajeno. Mme bomorwa Jegonya ba se ka ba itumela le batho ba Betšhemeše ba ba neng ba lebile Letlole la Morena ka boitumelo. Ke fa Morena a bolaya banna ba le 70 mo go bone. Mme morafe wa hutsafala, ka Morena a bolaile ba ba kalo ba bone. Jaanong banna ba Betšhemeše ba re: “Ke mang yo o ka kgonang go ema fa pele ga Morena, Modimo o o boitshepo o? Mme o tla ya kwa ga mang, fa o tloga mo go rona?” Ka moo ba roma barongwi kwa baaging ba Khiriathe-Jearime ba re: “Bafelesita ba busitse Letlole la Morena. Fologang, lo le tsee, lo le ise kwa ga lona.” Banna ba Khiriathe-Jearime ba tla, ba tsaya Letlole la Morena, ba le isa kwa ntlong ya ga Abinatabe e e kwa thoteng; ba itshepisa Eleasare morwawe gore a dise Letlole la Morena. Go tloga letsatsing leo Letlole le ileng go nna kwa Khiriathe-Jearime ka lone ga feta sebaka se seleele sa dinyaga di le 20, mme Baiseraele botlhe ba lela, ba lela Moreneng. Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Fa lo rata go boela kwa Moreneng ka pelo yotlhe, tlosang medimo e sele e e mo gare ga lona le boAšethorethe, lo ineele Morena ka dipelo tsa lona, lo mo direle a le esi; foo o tla lo pholosa mo diatleng tsa Bafelesita.” Ke fa Baiseraele ba tlosa boBaale le boAšethorethe, ba direla Morena a le esi. Samuele a ba a re: “Phuthelang Baiseraele botlhe kwa Mitsepha gore ke lo rapelele Morena.” Ke fa ba phuthegela kwa Mitsepha, ba ga metsi, ba a tshololela fa pele ga Morena, ba itima dijo ka letsatsi leo, ba ipobola teng ba re: “Re leofetse Morena.” Mme Samuele a siamisa Baiseraele kwa Mitsepha. Jaanong e rile Bafelesita ba utlwa gore Baiseraele ba phuthegetse kwa Mitsepha, dikgosana tsa Bafelesita tsa bololela Baiseraele; ya re Baiseraele ba utlwa jalo, ba boifa Bafelesita. Mme Baiseraele ba raya Samuele ba re: “Se khutle go re rapelela Morena, Modimo wa rona, gore a re pholose mo diatleng tsa Bafelesita.” Ke fa Samuele a tsaya kwanyana e e anyang e le nngwe, a e tlhabela Morena go nna setlhabelo se se fisiwang gotlhe; le gona Samuele a rapela Morena, a rapelela Baiseraele, mme Morena a mo utlwa. Jaanong ya re Samuele a sa ntse a fisa setlhabelo, Bafelesita ba atamela go tlhabana le Baiseraele. Mme Morena a dumisa maru ka tumo e kgolo godimo ga Bafelesita ka letsatsi leo, a ba raraanya, mme ba fenngwa ke Baiseraele. Mme banna ba Iseraele ba bolola kwa Mitsepha, ba khutšhela Bafelesita, ba ba bolaya go ya go fitlha kwa tlase ga Bethe-Kara. Ke fa Samuele a tsaya lefika, a le tlhoma fa gare ga Mitsepha le Šene, a le taya leina la Ebenesere, a re: “Morena o re thusitse go fitlha kajeno.” Bafelesita ba ne ba kokobediwa jalo, ba se ka ba tlhola ba tla gape mo nageng ya Iseraele. Mme seatla sa Morena sa nna sa imela Bafelesita ka malatsi aotlhe a ga Samuele. Le metse e Bafelesita ba neng ba e amogile Baiseraele ya boela kwa Baiseraeleng go tloga kwa Ekerone go fitlha kwa Gathe. Le naga ya yona Baiseraele ba e gapa mo diatleng tsa Bafelesita. Le gona ga nna kagiso fa gare ga Baiseraele le Baamori. Samuele a siamisa Baiseraele ka malatsi aotlhe a botshelo jwa gagwe. O ne a tle a tsamaya ka ngwaga le ngwaga, a etele Bethele le Gilegala le Mitsepha, a atlhole Baiseraele mo mafelong aotlhe ao. A be a boele kwa Rama; gonne ntlo ya gagwe e ne e le gona; a atlhole Baiseraele gona. Le gona a agela Morena aletare teng. E rile Samuele a sena go tsofala, a dira bomorwawe basiamisi ba Iseraele. Leina la morwawe yo mogolo e ne e le Joele; leina la wa bobedi wa gagwe e le Abia. Ba ne ba atlhola kwa Bereseba. Fela bomorwawe ga ba a ka ba sepela mo ditseleng tsa gagwe. Ba bapala ka bopelotshetlha, ba amogela dithelesetso, ba sokamisa tshiamo. Ke fa bagolo botlhe ba Iseraele ba kgobokana ba tla kwa go Samuele kwa Rama, ba mo raya ba re: “Bona, wena o tsofetse, mme bomorwao ga ba sepele mo ditseleng tsa gago. Jaanong he, re beele kgosi gore e re buse, re tshwane le ditšhaba tsotlhe.” Mme lefoko leo le ne le le bosula mo matlhong a ga Samuele, fa ba re: “Re neele kgosi gore e re buse.” Ka moo Samuele a rapela Morena. Mme Morena a raya Samuele a re: “Utlwa lentswe la morafe mo go tsotlhe tse ba di buileng nao; gonne ga ba latlhe wena, mme ba latlha nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone. Le wena ba go direla jaaka ba dirile ka gale go tloga letsatsing le ke ba ntshitseng kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing la kajeno, ba ntlogela, ba direla medimo e sele. Mme jaanong utlwa mantswe a bone. Fela tse ba tshwanetseng go di direla kgosi e e tla ba busang o di ba tlhalosetse, o di ba itsise.” Mafoko otlhe a Morena Samuele a a bolelela morafe o o lopileng kgosi mo go ene, a re: “Tse di siametseng kgosi e e tla lo busang ke tse: E tla tsaya bomorwaa-lona, e ba dira batlhanka ba dikoloi tsa yona le ba dipitse tsa yona le go taboga fa pele ga koloi ya yona. Le gona e tla ba tsaya go ba ipeela balaodi ba sekete le balaodi ba lekgolo le balaodi ba 50; le gore ba leme masimo a yona, ba robe thobo ya yona, ba dire dibolai tsa yona tsa ntwa le dilo tsa dikoloi tsa ntwa tsa yona. E tla tsaya bomorwadia-lona gore e nne batlhakanyi ba ditswaiso le baapei le babesi. Fa e le masimo a lona le masimo a meweine a lona le ditlhare tsa olefa tsa lona e tla tsaya tse di molemo tsa teng, e di naya batlhanka ba yona. E tla tsaya palo ya bosome ya mabele a lona le ya masimo a meweine a lona, e e naya badiredi ba yona ba lelapa le batlhanka ba yona. E tla tsaya batlhanka ba lona le malata a lona le dikgomo tse dintle tsa lona le diesele tsa lona, e dira tiro ya yona ka tsotlhe tseo. E tla tsaya palo ya bosome ya matsomane a lona; le lona lo tla nna batlhanka ba yona. Ka sebaka seo lo tla lela ka ntlha ya kgosi e lo e itlhophetseng, mme foo Morena ga a kitla a lo utlwa.” Fela morafe wa gana go utlwa lentswe la ga Samuele wa re: “Nnyaya! A kgosi e re buse gore le rona re tshwane le ditšhaba tsotlhe, mme kgosi ya rona e re atlhole, e re etelele pele le mo dintweng.” Ya re Samuele a sena go utlwa mafoko otlhe a morafe, a a bolela mo ditsebeng tsa Morena. Mme Morena a raya Samuele a re: “Utlwa mantswe a bone, o ba beele kgosi.” Ke fa Samuele a raya banna ba Iseraele a re: “Tsamayang, a mongwe le mongwe a ye gae.” Go ne go le monna wa Benyamene, leina la gagwe e le Khiše morwa Abiele morwa Serore morwa Begorathe morwa Afia wa Mobenyamene; e le senatla se se maatlametlo. Ene o ne a na le ngwana wa mosimane yo leina la gagwe e leng Saule. Saule o ne a le montle thata, go se na monna ope mo Baiseraeleng yo o tshwanang nae ka bontle; a feta batho botlhe ka boleele, ba mo khutlela fa magetleng. Jaanong Khiše rraagwe Saule a timelelwa ke diesele tse dinamagadi, mme Khiše a raya Saule morwawe a re: “A ko o tsee mongwe wa batlhanka nao, o nanoge, o ye go batla diesele tse dinamagadi.” Ba ya ba ralala dithaba tsa Eferaime le naga ya Salisa, mme ba di tlhoka; ba ralala naga ya Saalime, mme di se yo; ba ralala naga ya Benyamene, ba se ka ba di bona. Ya re ba sena go fitlha kwa nageng ya Sufe, Saule a raya motlhanka wa gagwe a re: “Tlaya a re boele kwa gae, e se re gongwe rre a tlhokomologa diesele, a tlhofaelela rona.” Mme ene a mo fetola a re: “A ko o iketle! Go na le monna wa Modimo mo motseng o. Ke monna yo o tlotlegang. Tsotlhe tse o di buang di a tle di dirafale tota. A re ye teng. Go gongwe o ka re itsise tsa leeto la rona le re leng mo go lone.” Saule a fetola motlhanka wa gagwe a re: “Bona, fa re ya kwa monneng yoo, re ka eta re mo tsholetseng? Mefago e fedile mo dikgwatlheng tsa rona. Ga go na neo e re ka etang re e tsholetse monna wa Modimo. Re tshotseng?” Motlhanka a ba a fetola Saule gape a re: “Bona, ke na le karolo ya bone ya šekele ya selefera. Ke tla e naya monna wa Modimo gore a re itsise tsa leeto la rona.” E ne ya re bogologolo mo Iseraeleng fa motho a ya go botsa Modimo a bue jaana a re: “Tlaya a re ye kwa go Mmoni.” Gonne yo e leng Moporofeti kajeno, kgale o ne a bidiwa Mmoni. Ke fa Saule a raya motlhanka wa gagwe a re: “Lefoko la gago le siame. Tlaya a re ye.” Ba ya kwa motseng kwa monna wa Modimo a leng teng. Ya re ba tlhatlogela kwa motseng ka tsela e e mokong, ba kgatlhana le basetsana ba ba yang go ga metsi, ba ba botsa ba re: “A Mmoni o teng mono?” Ba ba araba ba re: “O teng. Bonang, o fa pele ga lona. Akofang jaanong, gonne ke gona a gorogang mo motseng kajeno. Gonne go na le moletlo wa batho wa ditlhabelo kajeno kwa thoteng. E tla re lo tsena mo motseng, lo fitlhele a ise a tlhatlogele kwa thoteng go ya go ja. Gonne morafe ga o ka ke wa ja a ise a tle. Kana ke ene yo o tshegofatsang setlhabelo; morago ga moo balalediwi ba je. Jaanong he, tlhatlogang. Gonne lo tla mo fitlhela ka yona nako e.” Ba tlhatlogela kwa motseng. Ya re ba tsena mo motseng, ba rakana le Samuele a tswa a tlhatlogela kwa thoteng ya tlhabelo. Mme Morena o ne a itsisitse Samuele maabane, Saule a ise a tle, a re: “Kamoso ka nako e ke tla tsisa monna kwa go wena, a tswa kwa nageng ya Benyamene, o mo tlotse go nna moeteledipele wa Baiseraele, morafe wa me, gore a o pholose mo diatleng tsa Bafelesita; gonne ke bonye pogisego ya morafe wa me le selelo sa ona se fitlhile kwano go nna.” Jaanong ya re Samuele a bona Saule, Morena a mo raya a re: “Ke ene monna yo ke buileng nao ka ga gagwe ka re: O tla busa morafe wa me.” Mme Saule a atamela Samuele fa gare ga kgoro a re: “A ko o mpolelele gore ntlo ya Mmoni e kae?” Samuele a araba Saule a re: “Ke nna Mmoni. Nketelele pele o tlhatlogele kwa thabaneng ya tlhabelo. Lo tla ja le nna kajeno. E tla re mo mosong ke go nee tsela, ke go bolelele tsotlhe tse di mo pelong ya gago. Se tshwenyegele diesele tse dinamagadi tse kajeno e leng letsatsi la boraro di ntse di go timeletse, gonne di bonywe. Mme tsotlhe tse di eletsegang tsa Iseraele e tla nna tsa ga mang? A e tla bo e se tsa gago le tsa lelapa lotlhe la ga rraago?” Saule a fetola a re: “A ga ke Mobenyamene wa longwe lwa ditso tse dipotlana tsa Iseraele? E bile losika lwa ga etsho ke lo lobotlana mo ditshikeng tsotlhe tsa lotso lwa ga Benyamene. Ke ka ntlha ya eng fa o bua tse di ntseng jalo le nna?” Mme Samuele a tsaya Saule le motlhanka wa gagwe, a ba isa kwa ntlong e e jelang, a ba nnisa mo mannong a a kwa pele ga ba ba laleditsweng ba ba neng ba ka nna 30. Samuele a ba a raya moapei a re: “Tlisa nama e ke e go neetseng ka re, o e boloke.” Moapei a ntsha letsogo le na le dikgopo, a di baya fa pele ga Saule. Ke fa Samuele a re: “E e setseng ke e. Itsholele o je. Gonne e sadiseditswe wena moletlong ono maloba fa ke laletsa batho.” Saule a ja jalo le Samuele ka letsatsi leo. Ya re ba sena go fologa kwa thabaneng ya tlhabelo le go fitlha mo motseng, ba alela Saule dikobo mo godimo ga ntlo. A lala teng. Jaanong ya re mahube a tswa, Samuele a bitsa Saule a lebile kwa godimo ga ntlo a re: “Tsoga gore ke go nee tsela.” Saule a tsoga, ba tswela kwa ntle ka bobedi jwa bone, ene le Samuele. Ya re ba sena go fologa le go fitlha fa motse o khutlang teng, Samuele a raya Saule a re: “Raya motlhanka, a tsamaele kwa pele.” A tsamaya. “Mme wena o eme jaanong gore ke go utlwise Lefoko la Modimo.” Ke fa Samuele a tsaya kurwana ya lookwane, a lo tshela mo tlhogong ya gagwe, a mo atla a re: “Morena o go tloditse gore o nne moeteledipele wa boswa jwa gagwe. Mme sesupo sa teng ke se: Fa o tloga mo go nna kajeno, o tla fitlhela banna ba le babedi fa phupung ya ga Ragele mo nageng ya Benyamene kwa Selesa, ba tla go raya ba re: ‘Diesele tse dinamagadi tse o ileng go di batla, ba di bonye. E bile rraago o setse a tlhokomologile kgang ya diesele, mme o tshwenyegela lona a re: Ke tla dirang gore ke bone morwaake?’ E tla re o sena go tloga teng le go etela pele le go fitlha kwa setlhareng sa eike sa Thabore, banna ba le bararo ba go fitlhele teng ba ba tlhatlogelang kwa Modimong kwa Bethele; mongwe a rwele dipotsane di le tharo, yo mongwe a rwele dinkgwe di le tharo, wa boraro a rwele lekuka la weine. Ba tla go botsa matsogo, ba go naya dinkgwe di le pedi; o di amogele mo diatleng tsa bone. Morago ga moo o tla fitlha kwa thabaneng ya Modimo kwa balebeledi ba puso ya Bafelesita ba leng teng. Mme e tla re o fitlha teng mo motseng, o kgatlhane le setlhopha sa baporofeti, ba fologa mo thabaneng ya tlhabelo, ba eteletswe pele ke baletsi ba harepa le moropana le lotlhaka le lengope, ba ntse ba bua ka mokgwa wa baporofeti. Foo mowa wa Morena o tla go tsena, mme o tla itshola jaaka moporofeti nabo, o fetoga monna o sele. Mme e re ditshupo tseo di sena go go dirafalela, o dire se se gaufi le seatla sa gago; gonne Modimo o na nao. Jaanong nketelele pele, o fologele kwa Gilegala. Le nna ke tla fologa, ke go latela ke tla go fisa ditlhabelo tsa phiso le go tlhaba ditlhabelo tsa tebogo. O ntete malatsi a supa go fitlhelela ke be ke fitlhe kwa go wena, ke go itsise se o tla se dirang.” Ya re a hulara go tlogela Samuele, Modimo wa mo fetola pelo, ya nna e sele. Le gona ga dirafala ditshupo tsotlhe tseo ka letsatsi leo. E rile ba fitlha teng kwa thabaneng ya Modimo, setlhopha sa baporofeti sa mo kgatlhantsha, mme Mowa wa Modimo wa tsena mo go ene, mme a itshola jaaka moporofeti mo gare ga bone. Botlhe ba ba neng ba ntse ba mo itse, ya re ba mmona a duduetsa le baporofeti, ba botsana ba re: “Ke eng se se dirafaletseng morwa Khiše? A Saule le ene ke moporofeti?” Ga fetola monna wa teng a re: “Kana rraabo ke mang?” Ke ka moo go simologileng seane se se reng: “A Saule le ene ke moporofeti?” Ya re a sena go fetsa go duduetsa, a fitlha kwa Gibea. Ke fa rrangwanaagwe Saule a mmotsa le motlhanka wa gagwe a re: “Lo ne lo ile kae?” A araba a re: “Re ne re ile go batla diesele tse dinamagadi; ya re re di tlhoka, ra ya kwa go Samuele.” Mme rrangwanaagwe Saule a re: “A ko o mpolelele tse Samuele o di buileng le lona.” Saule a araba rrangwanaagwe a re: “O re itsisitse a re: ‘Diesele tse dinamagadi di bonywe.’ ” Mme a se ka a mmolelela tsa bogosi tse Samuele o di buileng. Jaanong Samuele a biletsa morafe kwa Moreneng kwa Mitsepha, a raya Baiseraele a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke nna ke ntshitseng Baiseraele kwa Egepeto, ka lo golola mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa magosi aotlhe a a neng a lo pitlaganya.’ Mme lona lo latlhile Modimo wa lona kajeno o o lo thusitseng mo ditlalelong tsotlhe tsa lona le mo dipitlaganyong tsa lona, lwa o raya lwa re: ‘Re tlhomele kgosi!’ Jaanong he, emang fa pele ga Morena ka fa ditsong tsa lona le ka fa diketeng tsa lona!” Ya re Samuele a atametsa ditso tsotlhe tsa Iseraele, ga tshwarwa lotso lwa Benyamene. Ya re a atametsa lotso lwa Benyamene ka fa ditshikeng tsa lone, ga tshwarwa losika lwa ga Materi; ya re a atametsa losika lwa ga Materi, ga tshwarwa Saule morwa Khiše, mme ya re ba mmatla, a bo a se yo. Ke fa ba botsa Morena gape ba re: “A monna yoo o setse a tlile kwano?” Morena a re: “O teng, o iphitlhile kwa dithotong tsa leeto.” Ba taboga, ba mo tsaya teng. Ya re a ema mo gare ga morafe, a bo a le moleele, a feta batho botlhe, ba mo khutlela fa legetleng. Ke fa Samuele a raya morafe otlhe a re: “A lo a mmona yo Morena o mo tlhophileng? Gonne ga go na ope yo o tshwanang nae mo morafeng otlhe.” Ke fa morafe otlhe o tlhaba mokgosi o re: “A kgosi e phele!” Samuele a ba a bolelela morafe tse ba tshwanetseng go di direla kgosi, a di kwala mo lokwalong, a lo boloka fa pele ga Morena. Jaanong Samuele a naya morafe otlhe tsela, mongwe le mongwe a boela kwa lapeng la gagwe. Saule le ene a ya kwa lapeng la gagwe kwa Gibea, mme baetleetsi ba mephato ba ya nae, ba Modimo o neng o ba ratisitse jalo. Mme banna ba e seng ba sepe ba ne ba re: “Yoo, o tla re thusa eng?” Ba mo nyatsa jalo, ba se ka ba mo tlisetsa mpho, mme a ba tlhokomologa. Morago ga moo ga bolola Nahase wa Moamone, a dikanyetsa motse wa Jabese kwa Gileate ka ntwa; ke fa banna botlhe ba Jabese ba raya Nahase ba re: “Dira kgolagano le rona, mme re tla go direla.” Mme Nahase wa Moamone a ba fetola a re: “Kgolagano e nke e dirang le lona ke ya go re: Lona lotlhe ke lo gonye matlho a le le jang, ke direle Baiseraele botlhe tshotlego jalo.” Bagolo ba Jabese ba mo araba ba re: “Re fe sebaka sa malatsi a supa gore re rome barongwi kwa nageng yotlhe ya Iseraele. Jaanong e tla re fa go se na ope yo o re thusang, re go ineele.” Barongwi bao ba fitlha kwa Gibea wa ga Saule, ba bolela mafoko ao mo ditsebeng tsa batho. Ke fa batho botlhe ba tlhatlosa mantswe ba lela. E ne e le gona Saule a gorogang, a tswa kwa tshimong a setse dikgomo morago. Saule a botsa a re: “Batho ba lelelang?” Ba mmolelela mafoko a banna ba Jabese. Ya re Saule a utlwa mafoko ao, Mowa wa Modimo wa mo tsena, mme a tuka bogale. A tsaya dikgomo di le pedi, a di tlhaba, a di kgabetlela, a romela dinama kwa nageng yotlhe ya Iseraele ka barongwi a re: “Yo o sa bololeng a sala Saule le Samuele morago, dikgomo tsa gagwe di tla dirwa jalo.” Ke fa poifo ya Morena e wela batho, mme ba bolola jaaka monna a le mongwe. Jaanong a ba bala kwa Beseke: Baiseraele ba le 300 000, banna ba Juta ba le 30 000. A laela barongwi bale ba ba tlileng a re: “Bolelelang banna ba Jabese kwa Gileate jaana lo re: ‘E tla re kamoso fa letsatsi le le bolelo, lo bone thuso.’ ” Ya re barongwi ba fitlha, ba bolelela banna ba Jabese jalo, mme ba itumela. Jaanong banna ba Jabese ba raya Baamone ba re: “Kamoso re tla ineela mo go lona gore lo re direle tsotlhe ka fa lo bonang ka teng.” Ya re kamoso mo mosong Saule a kgaoganya banna ditlhopha di le tharo; ba tsena mo bothibelelong jwa Baamone ka tiso ya masa, ba bolaya Baamone go ya bolelong jwa motshegare. Masalela a bone a phatlalala, go se ba le babedi ba ba setseng mmogo. Ke fa banna ba raya Samuele ba re: “Ke bomang ba ba boditseng ba re: ‘A Saule o tla re busa?’ Ntshang banna bao gore re ba bolae!” Mme Saule a re: “A go se ka ga bolawa ope ka letsatsi le, gonne Morena o dirafaditse pholoso mo Iseraeleng kajeno.” Samuele ene a raya banna a re: “Tlaang a re yeng kwa Gilegala, re tlhomamise bogosi teng sešwa.” Ke fa banna botlhe ba ya kwa Gilegala, ba dira Saule kgosi sešwa fa pele ga Morena teng kwa Gilegala; ba tlhaba ditlhabelo tsa tebogo teng fa pele ga Morena. Saule le banna botlhe ba Iseraele ba itumela thata gona. Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Kana ke utlwile mantswe a lona mo go tsotlhe tse lo di buileng le nna, ke lo neile kgosi. Jaanong he, kgosi e e tla lo etelelang pele ke e. Nna ke tsofetse, ke thuntse, bomorwaake ke bao, lo a ba bona; ke sa le ke sepela fa pele ga lona go tloga bonyaneng jwa me go fitlha letsatsing leno. Ke fano. Supang ka ga me fa pele ga Morena le fa pele ga motlodiwa wa gagwe. Ke amogile mang pholo? Ke pitlagantse mang? Ke amogetse thelesetso mo seatleng sa ga mang, ka iphatlha ka yona? Kana nka lo busetsa.” Ba araba ba re: “Nnyaya! Ga o a ka wa re gatelela le e seng go re pitlaganya; ga o a ka wa amogela sepe mo seatleng sa ope.” A ba raya a re: “Morena ke mosupi ka ga lona le motlodiwa wa gagwe ke mosupi ka letsatsi le fa lo sa fitlhela sepe mo seatleng sa me.” Ba re: “Ke ene mosupi.” Samuele a ba a raya morafe a re: “Mosupi ke Morena yo o dirileng Moše le Arone, yo o ntshitseng borraeno kwa lefatsheng la Egepeto. Jaanong he, emang gore ke sekisanye le lona fa pele ga Morena ka ga ditiro tsotlhe tse di siameng tsa Morena, tse o di lo diretseng le borraeno. E rile Jakobe a sena go fitlha kwa Egepeto, mme borraeno ba rapela Morena, Morena a roma Moše le Arone, mme ba ntsha borraeno kwa Egepeto, ba ba baya mo lefatsheng leno. Mme ya re ba lebala Morena, Modimo wa bone, a ba neela mo diatleng tsa ga Sisera molaodi wa mephato ya kwa Hasore, le mo diatleng tsa Bafelesita le mo diatleng tsa kgosi ya Moabe, mme ba tlhabana nabo. Ke fa ba goela Moreneng ba re: ‘Re leofile, gonne re go tlogetse, Morena, ra direla boBaale le boAšethorethe. Mme jaanong re golole mo diatleng tsa baba ba rona, foo re tla go direla.’ Mme Morena a roma Jerubaale le Barake le Ifetha le Samuele, a lo golola mo diatleng tsa baba ba lona tikologong, lwa ba lwa aga lo iketlile. Fela e rile lo bona Nahase kgosi ya Baamone a tla a lo tlhasela, lwa nthaya lwa re: ‘Nnyaya! A re busiwe ke kgosi!’ Etswe Morena Modimo wa lona e ntse e le kgosi ya lona. “Jaanong he, kgosi e lo e tlhophileng lwa e kopa, ke e; ke yona kgosi e Morena o e lo neetseng. E tla re fa lo boifa Morena, lo mo direla lo utlwa lentswe la gagwe, lo sa ganetsa molomo wa Morena; fa lona le kgosi e e lo busang lo sala Morena, Modimo wa lona, morago – foo o tla nna le lona. Mme fa lo ka gana go utlwa lentswe la Morena, lwa ganetsa molomo wa Morena, foo seatla sa Morena se tla lo betsa jaaka se beditse borraeno. Mme jaanong emang lo bone selo se segolo se Morena o tla se dirang mo matlhong a lona. A ga ke re, go thobo ya mabele kajeno? Ke tla rapela Morena gore a dumise maru, a nese pula gore lo itse, lo be lo bone bosula jwa lona fa e le jo bogolo jo lo bo dirileng mo matlhong a Morena ka go ikopela kgosi.” Ya re Samuele a rapela Morena, Morena a dumisa maru, a nesa pula ka letsatsi leo, mme morafe otlhe wa boifa Morena le Samuele thata. Morafe otlhe wa raya Samuele wa re: “Rapelela batlhanka ba gago mo Moreneng, Modimo wa gago, gore re se ka ra swa. Gonne re okeditse maleo otlhe a rona ka bosula jwa go ikopela kgosi.” Ke fa Samuele a raya morafe a re: “Se boifeng. Maleo otlhe ao lo a dirile. Fela lo se ka lwa fapoga, lwa tlogela Morena, mme lo direle Morena ka pelo yotlhe. Lo se ka lwa fapoga, lwa latela medimo ya boithamako e e sa thuseng sepe, e e sa pholoseng ope, ka e le ya boithamako. Gonne Morena ga a kitla a latlha morafe wa gagwe ka ntlha ya leina le legolo la gagwe, ka Morena a ratile go lo dira morafe wa gagwe. Le gona a go nne kgakala le nna go ka leofela Morena ka go khutla go lo rapelela, mme ke tla lo ruta tsela e e siameng e e tlhamaletseng. Fela boifang Morena, lo mo direle ka boikanyo le ka pelo yotlhe; gonne lo bonye tse dikgolo tse o di lo diretseng. Mme fa lo dira tse di bosula, lo tla latlhega, lona le kgosi ya lona.” E rile Saule a simolola go busa a bo a le dinyaga di le; ya re a sena go busa Iseraele dinyaga di le pedi, Saule a itlhophela banna ba le 3 000 mo Baiseraeleng; ba le 2 000 ba nna le Saule kwa Migemase le mo thabeng ya Bethele; ba le 1 000 ba nna le Jonathane kwa Gibea wa Benyamene. Banna ba bangwe a ba naya tsela gore mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe. Jaanong Jonathane a bolaya balebeledi ba puso ya Bafelesita ba ba neng ba le kwa Geba. Bafelesita ba utlwa jalo. Mme Saule a letsa lonaka mo lefatsheng lotlhe a re: “A Bahebere ba utlwe!” Baiseraele botlhe ba utlwa go twe: “Saule o bolaile balebeledi ba puso ya Bafelesita; le gona Baiseraele ba itlhoisitse Bafelesita.” Mme banna ba kuiwa gore ba latele Saule go ya kwa Gilegala. Le Bafelesita ba phuthega go tlhabana le Baiseraele ba na le dikoloi tsa ntwa di le 3 000 le bapalami ba dipitse ba le 6 000, le banna ba ba kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Ba bolola, ba thibelela kwa Migemase mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethawene. Ya re banna ba Iseraele ba ipona fa ba le mo tlalelong, mme morafe o pitlagantswe, ba iphitlha mo dikgageng le mo sekhung le mo dipharong le mo mesimeng le mo dikgatamping. Bahebere bangwe ba tshela Joretane, ba ya kwa nageng ya Gate le ya Gileate, mme Saule a sa ntse a le kwa Gilegala, batho botlhe ba mo setse morago ba tshogile. Saule a letela nako e e beilweng ke Samuele malatsi a supa, mme Samuele a se ka a tla kwa Gilegala. Jaanong ya re morafe o phatlalala, o mo tlogela, Saule a re: “Ntlisetseng setlhabelo sa phiso le ditlhabelo tsa tebogo.” A ba a dira setlhabelo sa phiso. Ya re e le gona a fetsang go dira setlhabelo sa phiso a bona Samuele a tla. Saule a ya go mo kgatlhantsha le go mo dumedisa. Mme Samuele a botsa a re: “O dirileng?” Saule a re: “E rile ke bona morafe o phatlalala o ntlogela, mme wena o sa tle ka nako e e beilweng. Bafelesita ba ntse ba phuthegile kwa Migemase, ka re jaanong Bafelesita ba tla nkwela mono Gilegala ke ise ke kope bopelotlhomogi mo Moreneng; ka nametsa pelo, ka dira setlhabelo sa phiso.” Mme Samuele a raya Saule a re: “O dirile ka bosilo; ga o a tshegetsa taolo ya Morena, Modimo wa gago, e o e go laetseng; gonne foo Morena o ka bo a tlhomamisitse bogosi jwa gago mo Iseraeleng ka bosakhutleng. Mme jaanong bogosi jwa gago ga bo kitla bo tlhomama. Morena o setse a ipatletse monna yo o utlwanang le pelo ya gagwe. E bile Morena o mo laetse go nna moeteledipele wa morafe wa gagwe; gonne wena ga o a ka wa tshegetsa tse Morena o di go laetseng.” Ke fa Samuele a nanoga, a tloga kwa Gilegala, a ya kwa Gibea wa Benyamene, mme Saule a bala banna ba ba nang nae, e ka nna banna ba le 600. Jaanong Saule le Jonathane morwawe le batho ba ba nang nabo ba sala kwa Geba wa Benyamene, Bafelesita bone ba thibeletse kwa Migemase. Mme lekoko la bathukhuthi la bolola kwa bothibelelong jwa Bafelesita e le masomo a mararo. Lesomo lengwe la fapogela kwa ntlheng ya Ofera kwa lefatsheng la Suale; lesomo le lengwe la fapogela kwa ntlheng ya Bethorone; lesomo la boraro la fapogela kwa ntlheng ya Geba yo o okameng Mokgatsha wa Diphiri a lebile kwa sekakeng. Mme mo lefatsheng lotlhe la Iseraele go ne go sa dumelelwe mothudi; gonne Bafelesita ba re: “E se re gongwe Bahebere ba dira tšhaka le lerumo.” Mongwe le mongwe wa Baiseraele botlhe o ne a tshwanetse go fologela kwa Bafelesiteng go thulelwa ege le petlwana le selepe le sekara sa mogoma fa di titinegile, e bong dikara tsa megoma le dipetlwana le diforoko tse di maphatamararo le dilepe; le go tlhamalatsa lešwane. Jaanong ya re ka letsatsi la tlhabano kwa Migemase ga bo go sa bonwe tšhaka le lerumo mo banneng botlhe ba ba nang le Saule le Jonathane; di tshotswe ke Saule le Jonathane morwawe fela. Balebeledi ba puso ya Bafelesita ba ne ba bololela kwa phateng ya Migemase. Ka letsatsi le lengwe Jonathane morwa Saule a raya motlhanka yo o rweleng dibolai tsa gagwe a re: “Tlaya, re kgabaganyetse kwa balebeleding ba Bafelesita ba ba kwa ntlheng ele!” Mme a se ka a bolelela rraagwe. Saule o ne a le kwa molelwaneng wa Gibea, a dutse fa tlase ga setlhare sa garanata se se kwa Migerone. Batlhabani ba ba neng ba na nae e ne e ka nna ba le 600. Ahia morwa Ahitube morwa-rraagwe Ikabote morwa Phinehase morwa Eli moperesiti wa Morena kwa Silo a bo a apere khiba ya boperesiti. Banna ba ne ba sa itse gore Jonathane o tsamaile. Mo gare ga phata fa Jonathane a neng a batla go kgabaganya teng go tlhasela batlhodi ba Bafelesita ga bo go le lefika le le ntlha mo ntlheng eno le lefika le le ntlha mo ntlheng ele; leina la lengwe e le Bosese, leina la le lengwe e le Sene. Lefika le le ntlha le le kwa bokone le ne le lebaganye le Migemase; le lengwe le le kwa borwa le ne le lebaganye le Geba. Jaanong Jonathane a raya motlhanka yo o rweleng dibolai tsa gagwe a re: “Tlaya, re kgabaganyetse kwa batlhoding ba ba sa rupang bale. Ka gongwe Morena o tla re thusa; gonne ga go na se se ka thibelang Morena go pholosa ka bontsi gongwe ka bobotlana.” Motshola-dibolai wa gagwe a mo araba a re: “Dira tsotlhe tse pelo ya gago e di ikaeletseng. Ke na nao. Se o se ratang le nna ke a se rata.” Jonathane a ba a re: “Bona, re tla kgabaganyetsa kwa banneng bale, re ba ipontsha. Jaanong fa ba ka re raya jaana ba re: ‘Emang, re be re fitlhe koo go lona!’ gona re tla ema fa re leng teng, re sa tlhatlogele kwa go bone. Mme fa ba ka re: ‘Tlhatlogelang kwano go rona!’ foo re tla tlhatloga; gonne Morena o tla bo a ba neetse mo diatleng tsa rona. Selo seo e tla nna sesupo mo go rona.” Ya re ba ipontsha batlhodi ba Bafelesita ka bobedi jwa bone Bafelesita ba re: “Bahebere ke bale, ba tswa mo mesimeng, mo ba neng ba iphitlhile teng.” Mme banna ba batlhodi ba bitsa Jonathane le motshola-dibolai wa gagwe ba re: “Tlhatlogelang kwano, re tle go lo tlhalefisa!” Ke fa Jonathane a raya motshola-dibolai wa gagwe a re: “Tlhatloga o ntshale morago, gonne Morena o ba neetse mo diatleng tsa Baiseraele.” Jonathane a tlhatloga ka go abula, motshola-dibolai wa gagwe a mo setse morago. Ke fa ba wa fa pele ga Jonathane, mme motshola-dibolai wa gagwe a mo sala morago, a ba fofotsa. Polao ya ntlha eo e Jonathane le motshola-dibolai wa gagwe ba bolaileng banna ba e ka nnang ba le 20 mo go yona ya dirafala mo felwaneng ga bontlhanngwe jwa tema ya letsatsi. Jaanong ga nna letshogo mo bothibelelong le mo nageng le mo banneng botlhe ba Bafelesita; le gona ga rerega batlhodi le lekoko la bathukhuthi; le lefatshe la roroma, ya nna theregiso ya Modimo. Jaanong rile batlhodi ba ga Saule kwa Gibea wa Benyamene ba leba, ba bona bontsi bo tetesela, bo tabogela kwa le kwa. Ke fa Saule a raya banna ba ba nang nae a re: “A ko lo bale, lo bone yo o se yong mo go rona.” Ya re ba bala ba fitlhela Jonathane le motshola-dibolai wa gagwe ba se yo. Saule a ba a raya Ahia a re: “Tlisa Letlole la Modimo.” Letlole la Modimo le ne le le mo Baiseraeleng ka sebaka seo. Ya re Saule a sa ntse a bua le moperesiti tlhodio e e mo bothibelelong jwa Bafelesita ya nna ya golela pele. Ke fa Saule a raya moperesiti a re: “Tlogela!” Ga kuiwa Saule le banna botlhe ba ba nang nae; ya re ba fitlha kwa tlhabanong ba fitlhela go bolayana bone ka ditšhaka, go le tlhakatlhakanyo e kgolo thata. Mme Bahebere ba ba neng ba ntse ba thusa Bafelesita ba ba neng ba bolotse nabo mo mephatong ba tlhanoga le bone, ba thusa Baiseraele ba ba nang le Saule le Jonathane. Jaanong ya re banna botlhe ba Iseraele ba ba neng ba iphitlhile kwa dithabeng tsa Eferaime ba utlwa go twe, Bafelesita ba a tshaba, le bone ba ba khutšhela mo tlhabanong. Morena o ne a naya Iseraele phenyo jalo ka letsatsi leo. Jaanong tlhabano e feta Bethawene. Mme banna ba Iseraele ba lapile ka letsatsi leo, Saule a ikanisa banna a re: “Go hutsitswe monna yo o ka jang dijo pele ga mantsiboa, ke ise ke ipusolosetse mo babeng ba me.” Ka moo banna botlhe ba se ka ba ja dijo. Batho botlhe ba tsena mo sekgweng, mme ga bo go tletse dinotshe mo nageng eo. Ya re banna ba phunya dinotshe, ba fitlhela di tsentse, e bile mamepe a tshologa, mme go se na ope yo o isang seatla sa gagwe kwa molomong ka banna ba boifa khutso ele. Mme Jonathane o ne a sa utlwa fa rraagwe a ikanisa banna; a ntsha ntlha ya molamu o a o tshotseng, a kgotla mo lemepeng, a isa kwa molomong, a mona; ke fa matlho a gagwe a apoga. Mme mongwe wa banna a mo raya a re: “Rraago o ikanisitse banna maikano a a reng: ‘Go hutsitswe monna yo o jang dijo kajeno.’ Ke ka mo banna ba feletsweng ke thata.” Jonathane a re: “Rre o isitse lefatshe le mo tatlhegong. A ko lo bone jaaka matlho a me a apogile fa ke sena go ja bobotlana jwa mafura a dinotshe a. Kana fa banna ba ka bo ba dumeletswe go ja tsa thopo ya baba ba bone kajeno e ba e bonyeng, foo polao mo Bafelesiteng e ka bo e le kgolo thata.” Ka letsatsi leo ba ne ba bolaya Bafelesita go tswa kwa Migemase go ya kwa Ayalone; fela banna ba ne ba lapile thata. Jaanong banna ba tla ba wela thopo, ba tsaya dinku le dikgomo le dipoana, ba di tlhabela fa fatshe; ba be ba di ja di ntse di rotha madi. Ke fa Saule a begelwa go twe: “Bona, banna ba leofela Morena ka go ja nama e e rothang madi.” Mme a re: “Lo dira molato! Pitikelang lentswe le legolo kwano go nna.” Saule a ba a re: “Phatlalalelang mo banneng, lo ba ree lo re: ‘A mongwe le mongwe a tlise kgomo ya gagwe gongwe nku ya gagwe kwano go nna, lo di tlhabe fano, lo be lo je, mme lo se ka lwa leofela Morena ka go ja nama e e rothang madi.’ ” Ke fa mongwe le mongwe a tlisa se a nang naso bosigo joo, ba di tlhabela teng. Mme Saule a agela Morena aletare, e le aletare ya ntlha e o e agetseng Morena. Jaanong Saule a re: “A re fologeng, re latelele Bafelesita bosigo jo, re ba thukhuthe dilo go ya phepafalong ya moso, mme re se ka ra sadisa ope wa bone.” Ba re: “Dira tsotlhe tse di siameng mo matlhong a gago.” Mme moperesiti a re: “A re atameleng Modimong fano.” Ke fa Saule a botsa Modimo a re: “A ke fologe, ke latelele Bafelesita? A o tla ba neela mo diatleng tsa Baiseraele?” Mme wa se ka wa mo araba ka letsatsi leo. Saule a ba a re: “Atamelang kwano lona bagolo lotlhe ba morafe, lo lemoge, lo bone gore boleo joo bo dirafetse ka eng kajeno? Gonne ka bophelo jwa Morena yo o fileng Iseraele phenyo le fa bo le mo go Jonathane morwaake, o tshwanetse go swa!” Mme ga se ka ga nna ope mo banneng botlhe yo o mo arabang. Jaanong a raya Baiseraele botlhe a re: “Lona lo nnele ntlha ele, mme nna le Jonathane morwaake re tla nna ka kwano.” Banna ba araba Saule ba re: “Dira ka fa o bonang ka teng.” Ke fa Saule a raya Morena a re: “Modimo wa Iseraele, re supetse boammaaruri.” Ga tshwarwa Jonathane le Saule, mme banna ba falola fela. Saule a re: “Ntlhameleng tengwa le Jonathane morwaake.” Ga tshwarwa Jonathane. Ke fa Saule a raya Jonathane a re: “A ko o mpolelele se o se dirileng.” Jonathane a mmolelela a re: “Ke jele bobotlana jwa mafura a dinotshe fela ka ntlha ya molamu o ke neng ke o tshotse. Ke fano. Nka swa.” Saule a re: “A Modimo o ntirele jaana, o nkokeletse jaana, fa ke sa go bolae, Jonathane.” Mme banna ba raya Saule ba re: “A Jonathane o tla swa yo o dirileng phenyo e kgolo e mo Iseraeleng? A go nne kgakala! Ka bophelo jwa Morena! Ruri, ga go kitla go wela thiri epe ya gagwe fa fatshe. Gonne o e dirile ka thuso ya Modimo ka letsatsi la kajeno.” Banna ba golola Jonathane jalo mme a se ka a swa. Jaanong Saule a tlogela Bafelesita a ya gae. Bafelesita bone ba ya kwa ga bone. E rile Saule a se na go tsaya bogosi jwa Iseraele, a tlhabana le baba botlhe ba gagwe mo tikologong, e bong Bamoabe le Baamone le Baetomo le dikgosi tsa Soba le Bafelesita, mme gongwe le gongwe kwa a yang teng a fenya. A itshupa a le pelokgale, a fenya Baamaleke, a namolela Baiseraele mo diatleng tsa yo o ba thukhuthang. Bomorwa Saule e ne e le Jonathane le Iswi le Malekhišua. Maina a bomorwadie ba babedi e ne e le a: Leina la yo mogolo e le Merabe leina la yo mmotlana e le Migale. Leina la mosadi wa ga Saule e ne e le Ahinoame morwadia Ahimaase; leina la molaodi wa mephato ya gagwe e le Abenere morwa Nere rrangwanaagwe Saule. Kana Khiše rraagwe Saule le Nere rraagwe Abenere e ne e le bomorwa Abiele. Go ne go le dintwa tse di makete le Bafelesita ka malatsi otlhe a ga Saule. Ka moo e ne ya re fa Saule a bona monna wa mogale gongwe wa senatla a mo itseele. Tsatsi le lengwe Samuele a raya Saule a re: “Morena o kile a nthoma go go tlotsa gore o nne kgosi ya morafe wa gagwe wa Iseraele. Ka moo he utlwa mafoko a Morena. Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Ke tla beletsa Baamaleke se ba kileng ba se direla Baiseraele fa ba ba thibela tsela, jale fa ba tswa kwa Egepeto. Yaa jaanong o bolae Baamaleke, o ba nyeletse le tsotlhe tse ba nang natso, ka ba hutsitswe ke Modimo. O se ka wa ba rekegela, mme o bolae banna le basadi le bana le masea le dikgomo le dinku le dikammele le diesele.’ ” Ke fa Saule a kua banna, a ba bala kwa Telaime, e le ba dinao ba le 200 000 le banna ba Juta ba le 10 000. Ya re Saule a fitlha kwa mošate wa Baamaleke a baya balaledi mo molapong. Le gona Saule a raya Bakeni a re: “Nanogang, lo tloge, lo tswe mo gare ga Baamaleke e se re gongwe ka lo nyeletsa nabo; ka gonne lona lo diretse Baiseraele botlhe ka bopelotlhomogi jale fa ba tswa kwa Egepeto.” Ke fa Bakeni ba tloga, ba tswa mo gare ga Baamaleke. Ya baa gona Saule a bolayang Baamaleke go tloga kwa Hawila go ya go fitlha kwa Sure yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Egepeto. A tshwara Agage kgosi ya Baamaleke a sa ntse a phela; mme a nyeletsa morafe otlhe ka bogale jwa tšhaka jaaka khutso ya Modimo. Mme Saule le batho ba rekegela Agage le dinku le dikgomo tse dintle le tse di latelang tseo ka bontle le dikwana le tsotlhe tse di kgatlhisang, ba se ka ba rata go di bolaya jaaka Modimo o laetse, mme ba bolaya fela diruiwa tsotlhe tse di nyatsegang tse di bopamang. Ke fa lefoko la Morena le tla kwa go Samuele le re: “Ke utlwa botlhoko, fa ke dirile Saule kgosi, gonne o ikepile mo go nna, a se ka a dirafatsa mafoko a me.” Ke fa Samuele a tuka bogale, a goela Moreneng bosigo jotlhe. Ya re mo mosong Samuele a phakela go kgatlhantsha Saule; mme ga begelwa Samuele ga twe: “Saule o tsenye kwa motseng wa Karemele, a itlhomela segopotso sa phenyo teng, a ba a thelela, a fetela pele, a fologela kwa Gilegala.” Jaanong ya re Samuele a fitlha kwa go Saule, Saule a mo raya a re: “A Morena a go tshegofatse! Ke dirafaditse lefoko la Morena.” Mme Samuele a botsa a re: “Dinku tse ke di utlwang di lela le dikgomo tse ke di utlwang di bokolela ke tsa eng?” Saule a araba a re: “Ba di tsere kwa go Baamaleke, gonne banna ba rekegetse dinku le dikgomo tse dintle gore ba tle ba di tlhabela Morena, Modimo wa gago. Mme tse dingwe re di nyeleditse jaaka Modimo o laetse.” Ke fa Samuele a raya Saule a re: “Iketle, ke go bolele se Morena o letseng a se bua le nna bosigong jono.” A mo araba a re: “Bua.” Samuele a re: “A ga ke re, o tlhogo ya ditso tsa Iseraele le fa o ikaya yo mmotlana. Kana Morena o go tloditse gore o nne kgosi ya Iseraele. Le gona Morena o go romile a re: ‘Ya o dirafatse khutso ya Modimo mo baleofing bale mo go Baamaleke, o tlhabana nabo go tsamaya o ba fedise.’ Jaanong ke ka ntlha ya eng fa o sa utlwa lentswe la Morena, mme wa phomegela mo thopong, wa dira tse di bosula mo matlhong a Morena?” Ke fa Saule a fetola Samuele a re: “Kana ke utlwile lentswe la Morena, ka tsena tseleng e Morena o nthomileng mo go yona, ka tlisa Agage kgosi ya Baamaleke, mme Baamaleke bone ka ba bolaela ruri ka khutso ya Modimo. Fela banna ba tsere dinku le dikgomo tsa thopo, e bong tse dintle tsa tse di hutsitsweng ke Modimo go di tlhabela Morena Modimo wa gago mono Gilegala.” Mme Samuele a re: “A ditlhabelo tsa phiso le tse di jewang di kgatlha Morena jaaka go utlwa lentswe la Morena? Nnyaya go utlwa go gaisa setlhabelo; go reetsa go phala mafura a diphelehu! Gonne go sa utlweng ke boleo jwa boloi; go ganetsa ke go ikepela medimong e sele. E re ka o latlhile Lefoko la Morena le ene o go latlhile gore o se tlhole o nna kgosi.” Ke fa Saule a raya Samuele a re: “Ke leofile, gonne ke tlodile taolo ya Morena le mafoko a gago; ka gonne ke boifile batho, ka utlwa mantswe a bone. Mme jaanong a ko o itshwarele boleo jwa me, o boe le nna gore ke obamele Morena.” Mme Samuele a fetola Saule a re: “Ga nkitla ke boa nao. E re ka o nyaditse Lefoko la Morena le Morena o go latlhile gore o se tlhole o nna kgosi ya Iseraele.” Ya re Samuele a retologa a re o a tsamaya Saule a tshwara moja wa kobo ya gagwe, mme ya gagoga. Ke fa Samuele a mo raya a re: “Morena o gagotse bogosi jwa Iseraele mo go wena kajeno, a bo neela yo mongwe yo o siameng bogolo go wena. Le gona ene yo e leng tumiso ya Iseraele ga a ake, le e seng go ikwatlhaya; gonne ene ga se motho mo a ka ikwatlhayang.” Jaanong Saule a re: “Ke leofile, mme a ko o ntlotle jaanong fa pele ga bagolo ba morafe wa me le fa pele ga Baiseraele, o boe le nna gore ke obamele Morena, Modimo wa gago.” Ke fa Samuele a boa a sala Saule morago, mme Saule a obamela Morena. Ya baa gona Samuele a reng: “Tlisang Agage kgosi ya Baamaleke kwano go nna.” Agage a ya kwa go ene a thabile. Agage a re: “Ruri, bogalaka jwa loso bo tlogile.” Mme Samuele a re: “Mmaago o tla amogwa ngwana mo basading jaaka tšhaka ya gago e amogile basadi bana.” Jaanong Samuele a remaganya Agage fa pele ga Morena kwa Gilegala. Jaanong Samuele a ya kwa Rama; Saule ene a tlhatlogela kwa lapeng la gagwe, kwa Gibea-wa-ga-Saule. Samuele a se ka a tlhola a bona Saule go ya letsatsing la loso lwa gagwe ka Samuele a hutsafalela Saule. Morena a utlwa botlhoko fa a dirile Saule kgosi ya Iseraele. Morago ga moo Morena a raya Samuele a re: “O tla hutsafalela Saule go fitlha leng? Kana ke mo latlhile gore a se ka a tlhola a nna kgosi ya Iseraele. Tlatsa lonaka lwa gago lookwane, o tsamae; ke go roma kwa go Isai wa Betleheme; gonne ke iponetse kgosi mo go bomorwawe.” Samuele a botsa a re: “Nka ya jang? Fa Saule a ka utlwela, o tla mpolaya.” Morena a re: “Gapa kgomo ya moroba, o ye nayo teng, o fete o re: ‘Ke tlile go tlhabela Morena setlhabelo.’ O be o laletse Isai tlhabelong. Ke tla go itsise se o tshwanetseng go se dira gore o ntloletse yo ke tla mo go kaelang.” Samuele a dira se Morena a se buileng, mme ya re a goroga kwa Betleheme bagolo ba motse ba mo kgatlhantsha ba tshogile ba re: “A o tla ka kagiso?” A re: “Ka kagiso! Ke tlile go tlhabela Morena setlhabelo. Iitshepiseng, lo tle le nna moletlong wa tlhabelo.” Jaanong a itshepisa Isai le bomorwawe, a ba laleletsa moletlo wa tlhabelo. Ya re ba tsena a bona Eliabe, a ithaya a re: “Ahee, ke ene motlodiwi wa Morena!” Mme Morena a raya Samuele a re: “Se lebe ponalo ya gagwe le seemo se seleele sa gagwe, gonne ke mo ganne; kana Modimo ga o lebe jaaka motho a leba. Gonne motho o bona fela tse di lebaganyeng le matlho, mme Morena o bona pelo.” Ke fa Isai a bitsa Abinatabe a mo fetisa fa pele ga Samuele, mme Samuele a re: “Le ene yo ga se yo Morena o mo tlhophileng.” Jaanong Isai a fetisa Sama, mme Samuele a re: “Le ene yo ga e ise e nne wa Morena.” Ya ba gona Isai a fetisang bomorwawe ba ba supa fa pele ga Samuele, mme Samuele a raya Isai a re: “Ga go ope mo go bone ba yo Morena o mo tlhophileng.” Mme Samuele a botsa Isai a re: “A basimane ba ke bone botlhe?” A araba a re: “Go setse yo mmotlana; o disa dinku.” Samuele a raya Isai a re: “E re a ye go bidiwa; gonne ga re ka ke ra nnela go ja a ise a tle.” A roma motho, mme a mo tlisa. O ne a le mohibidu, a na le matlho a mantle, a le sebopego se sentle. Ke fa Morena a re: “Nanoga o mo tlotse, gonne ke ene yoo.” Samuele a tsaya lonaka lwa lookwane, a mo tlotsa mo gare ga bomogolowe. Mowa wa Morena wa tsena mo go Dafita go tloga ka letsatsi leo go ya pele. Jaanong Samuele a nanoga, a boela kwa Rama. Mme Saule o ne a tlogetswe ke Mowa wa Morena, a ntse a tshwenngwa ke mowa o o bosula o o romilweng ke Morena. Jaanong batlhanka ba ga Saule ba mo raya ba re: “A ko o bone, mowa o o bosula wa Modimo o go tshwenya. A morena wa rona a bue lefoko fela, mme batlhanka ba gago ba ba go direlang, ba tla batla monna yo o itseng go letsa harepa gore e re fa mowa o o bosula wa Modimo o go tsena, a e letse ka seatla, mme ò nne botoka.” Ke fa Saule a laela batlhanka ba gagwe a re: “A lo ko lo mpatlele monna yo o itseng go letsa sentle, lo mo tlise go nna.” Ga araba mongwe wa makau a re: “Ke itse mongwe, ke morwa Isai wa kwa Betleheme. O itse go letsa; le gona ke senatla se se tiileng le mogale tlhabanong, e bile o itse go bua; ke monna yo montle, mme Morena o na nae.” Ke fa Saule a roma barongwi kwa go Isai a re: “Nthomele morwao Dafita yo o disang dinku.” Jaanong Isai a tsaya esele, a e belesa dinkgwe le lekuka la weine, le potsane, a di romela Saule ka Dafita morwawe. Dafita a ya kwa go Saule, a mo direla, mme Saule a mo rata thata, mme a nna morwadi wa dibolai tsa gagwe. Ka moo Saule a roma kwa go Isai a re: “Ka thapelo, a Dafita a nne a ntirele; gonne ke a mo rata.” Mme e ne ya re fa mowa o o bosula wa Modimo o tsena mo go Saule Dafita a tsee harepa, a e letse ka seatla, mme Saule a lapologe, a nne kaone, mme mowa o o bosula o mo tlogele. Mme Bafelesita ba phutha mephato ya bone go ya kwa ntweng, ya phuthegela kwa Sogo yo e leng wa Juta, ya thibelela kwa Efese-Damime fa gare ga Sogole le Aseka. Saule le banna ba Iseraele le bone ba phuthega, ba thibelela mo molapong wa ditlhare tsa metherebinthe, ba ipaakanyetsa go tlhabana le Bafelesita. Bafelesita ba bo ba eme mo thabeng ntlheng ele, Baiseraele ba eme mo thabeng ntlheng eno, go le leboa fa gare ga bone. Jaanong ga tswa monna wa motlhabani mo mephatong ya Bafelesita, leina la gagwe e le Goliathe wa kwa Gathe; boleele jwa gagwe e le jwa mabogo a le marataro le bophara jwa seatla. O ne a rwele kuane ya kgotlho mo tlhogong, a apere sefemelo sa tshipi se e keteng letlalo la kgaga; bokete jwa sona e ne e le dišekele di le 5 000 tsa kgotlho. A na le dikamase tsa kgotlho mo maotong le lerumonyana la kgotlho fa gare ga magetla. Lore lwa lerumo la gagwe lo ne lo le kana ka tlhomeso. Bogale jwa lerumo la gagwe e ne e le dišekele di le 600 tsa tshipi. Motshola-thebe a mo etelela pele. Monna yoo a ema a kua a lebile mephato ya Iseraele, a e raya a re: “Lo bololetseng go ipaakanyetsa tlhabano? A ga ke Mofelesita, mme lona lo le batlhanka ba ga Saule fela? Itlhopheleng monna, a a fologele kwano go nna! Fa a ka kgona go tlhabana le nna le go mphenya re tla nna batlhanka ba lona; mme fa nka mo kgona ka mo fenya, lo tla nna batlhanka ba rona, lo re direla.” Mofelesita yoo a ba a re: “Ke kgobile mephato ya Iseraele kajeno ka re: ‘Mpheng monna gore re tlhabane mmogo!’ ” Ya re Saule le Baiseraele botlhe ba utlwa mafoko ao a Mofelesita yoo, ba tshoga, ba boifa thata. Jaanong Dafita e ne e le morwa monna yole wa Eferatha wa kwa Betleheme wa Juta yo leina la gagwe e leng Isai yo o neng a na le bomorwa ba robedi. Monna yoo o ne a setse a tsofetse mo malatsing a ga Saule, e le monna mogolo. Mme bomorwa Isai ba bagolo ba bararo ba ne ba latetse Saule, ba ile kwa ntweng. Maina a bomorwawe ba bararo ba ba ileng kwa ntweng e ne e le Eliabe yo mogolo, a tlhomagannwa ke Abinatabe, wa boraro e le Sama. Mme Dafita ene e ne e le gofejane. Jaanong ya re ba bagolo ba bararo ba sena go latela Saule. Dafita a nna a tlogela Saule gangwe le gape, a ya go disa dinku tsa ga rraagwe kwa Betleheme. Mme Mofelesita yole a atamela mo mosong le mantsiboa, a ikemisa jalo malatsi a le 40. Jaanong Isai o kile a raya Dafita morwawe a re: “A ko o isetse bomogoloo kgetsanyana ya dipabe tse le dinkgwe di le some tse, o akofe o di ise kwa go bomogoloo kwa bothibelelong. Dikase di le some tse tsa mašwi o di isetse molaodi wa ba le sekete, o be o botse bomogoloo bophelo, o ntlele neo ya karabo ya bone.” Kana Saule le bone le banna botlhe ba Iseraele ba bo ba le kwa lebaleng la ditlhare tsa metherebinthe, ba ile go tlhabana le Bafelesita. Jaanong Dafita a phakela mo mosong, a tlogela dinku le modisa, a rwala mefago ele, a tsamaya jaaka Isai a mo laetse. Ya re a fitlha kwa magololong a dikoloi, mephato e e tswelang kwa felong ga tlhabano ya tlhabela tlhabano mokgosi. Baiseraele le Bafelesita ba ne ba ipaakantse mephato e lebaganye. Ke fa Dafita a rola morwalo, a o tlogela le molebeledi wa dithoto a sianela kwa mephatong, a fitlha a dumedisa bomogolowe. Ya re a ntse a bua nabo ga tlhaga monna yole wa motlhabani yo leina la gagwe e leng Goliathe Mofelesita wa kwa Gathe a tswa mo mephatong ya Bafelesita, a bua mafoko ale gape, Dafita a a utlwa. Mme banna botlhe ba Iseraele, e ne ya re fa ba bona monna yoo ba mo tshabe ba boife thata. Mme monna mongwe wa Iseraele a re: “A lo bonye monna yo o tsileng yoo? Kana o tsile go kgoba Baiseraele. Mme jaanong monna yo o ka mo fenyang kgosi e tla mo humisa ka khumo e kgolo, e mo neela morwadia-yona, e kgaola ba lapa la ga rraagwe mo lekgethong la Baiseraele.” Dafita a botsa banna ba ba emeng fa go ene a re: “Monna yo o tla fenyang Mofelesita yole, a tlosa ditlhong mo Iseraeleng, o tla direlwang? Kana Mofelesita yo o sa rupang yoo ke mang mo a ka kgobang mephato ya Modimo o o phelang?” Mme batho ba mmolelela mafoko ale ba re: “Monna yo o mo fenyang o tla direlwa jaana le jaana.” Ya re Eliabe mogolowe yo mogolo a mo utlwa a bua le banna a tukela Dafita bogale a re: “O tletseng kwano? Dinkunyana tsele o di tlogetse le mang kwa nageng? Ke itse boikgantsho jwa gago le bosula jwa pelo ya gago. Gonne o tlile fela gore o tle o bone tlhabano.” Mme Dafita a re: “Ke sentseng jaanong? Kana ke botsa fela.” Jaanong a mo hularela, a leba yo mongwe, a mmotsa potso ele gape. Banna ba mmusetsa karabo e e tshwanang le karabo ya ntlha. Ya re mafoko a a builweng ke Dafita a utlwala ba a begela Saule, mme a mmitsa. Dafita a tla, a raya Saule a re: “A go se nne motho ope yo o nyemang moko ka ntlha ya Mofelesita yoo. Motlhanka wa gago o tla ya a tlhabana nae.” Fela Saule a fetola Dafita a re: “Ga o a nonofa go ka tlhabana le Mofelesita yoo; gonne o lekau, mme ene ke motlhabani go tswa bokaung jwa gagwe.” Mme Dafita a raya Saule a re: “Motlhanka wa gago e ne e le modisa wa dinku tsa ga rraagwe. Jaanong e ne ya re fa go tla tau gongwe bere e gapa kwana ya letsomane, ke bolole, ke e latele, ke e fenye, ke golole kwana mo leganong la yona. Mme fa e re e lwa le nna ke e tshware ka ditedu, ke e fenye, ke e bolae. Le fa e le tau gongwe bere motlhanka wa gago o di fentse ka bobedi jwa tsona. Mme Mofelesita yo o sa rupang yoo o tla direlwa fela jaaka nngwe ya tsona; gonne o kgobile mephato ya Modimo o o phelang.” Dafita a ba a re: “Morena yo o mpholositseng mo leroong la tau le la bere o tla mpholosa le mo seatleng sa Mofelesita yoo.” Ke fa Saule a raya Dafita a re: “Yaa he, a Morena a nne nao!” Jaanong Saule a apesa Dafita diaparo tsa gagwe, a mo rwesa kuane ya kgotlho mo tlhogong, a mo apesa sefemelo sa tshipi. Dafita a ba a tlama tšhaka ya gagwe ka fa ntle ga diaparo, a re o simolola go tsamaya jalo; gonne o ne a ise a leke. Mme Dafita a raya Saule a re: “Ke palelwa ke go tsamaya ka dilo tse, gonne ga ke a di tlwaela.” Dafita a ba a di apola, a tsaya thobane ya gagwe ka seatla, a itlhophela matlapana a le matlhano a a borethe mo molapong, a a tsenya mo kgwatlheng ya badisa ya gagwe, e bong mo kgetsaneng ya seragamajwe; a ba a atamela Mofelesita, a tshwere seragamajwe sa gagwe ka seatla. Mofelesita le ene a nna a tla, a atamela Dafita; motshola-thebe a mo etelela pele. Ya re Mofelesita a leba a bona Dafita, a mo nyatsa; gonne e ne e le lekau fela, a le mohibidu, wa sefatlhego se sentle. Mofelesita a botsa Dafita a re: “A ke ntšwa fa o tla kwa go nna ka dithobane?” A ba a hutsa Dafita ka medimo ya gagwe. Mofelesita a ba a raya Dafita a re: “Tlaa kwano go nna. Nama ya gago ke tla e neela dinonyane tsa loapi le dibata tsa naga.” Mme Dafita a raya Mofelesita a re: “Wena o tla kwa go nna ka tšhaka le ka lerumo le ka lerumonyana. Mme nna ke tla kwa go wena ka leina la Morena wa masomosomo, Modimo wa mephato ya Iseraele, e o e kgobileng. Kajeno Morena o tla go neela mo seatleng sa me gore ke go fenye, ke go kgaole tlhogo. Setoto sa gago le ditoto tsa mephato ya Bafelesita ke tla di neela dinonyane tsa loapi le dibata tsa lefatshe kajeno gore lefatshe lotlhe le tle le itse gore Baiseraele ba na le Modimo; le gore phuthego yotlhe e ya batlhabani e lemoge gore Morena ga a pholose ka tšhaka le ka lerumo, gonne tlhabano e ke ya Morena. O tla lo neela mo diatleng tsa rona.” Jaanong ya re Mofelesita a kgweloga go kgatlhantsha Dafita, Dafita a itlhaganela, a tabogela kwa felong ga tlhabano go kgatlhantsha Mofelesita. Dafita a ba a tsenya seatla mo kgwatlheng, a ntsha letlapana mo go yona, a konopa ka seragamajwe, a itaya Mofelesita mo phatleng, letlapana la tsenelela kwa teng ga phatla ya gagwe, mme a wela fa fatshe, a patlama. Dafita a fenya Mofelesita jalo ka seragamajwe le ka letlapana; a itaya Mofelesita, a mmolaya le fa go ne go se na tšhaka mo seatleng sa gagwe. Dafita a ba a siana, a ema fa go Mofelesita, a tsaya tšhaka ya gagwe, a e somola mo kgwatlheng ya yona, a mo fofotsa, a mo kgaola tlhogo ka yona. Ya re Bafelesita ba bona seganka sa bone se sule, ba tshaba. Ke fa banna ba Iseraele le ba Juta ba nanoga, ba tlhaba mokgosi, ba eta ba bolaya Bafelesita go ya go fitlha kwa Gathe le kwa dikgorong tsa Ekerone. Bafelesita ba ba bolailweng ba namalala mo tseleng go tswa kwa Saaraime go fitlha kwa Gathe le kwa Ekerone. Ya re Baiseraele ba sena go lelekela Bafelesita kgakala ba boa, ba thukhutha bothibelelo jwa bone. Mme Dafita a tsaya tlhogo ya Mofelesita, a e isa kwa Jerusalema; dibolai tsa gagwe a di baya mo tenteng ya gagwe. E rile Saule a bona Dafita a bolola go kgatlhantsha Mofelesita, a botsa Abenere, molaodi wa mephato, a re: “Lekau leo ke morwa mang, Abenere?” Abenere a re: “Ka bophelo jwa gago, kgosi, ga ke itse.” Kgosi ya re: “Botsolotsa gore lekau leo ke morwa mang?” Jaanong ya re Dafita a boa a sena go fenya Mofelesita Abenere a mo tsaya, a mo isa fa pele ga Saule, a ntse a tshotse tlhogo ya Mofelesita. Ke fa Saule a mmotsa a re: “Wena lekau, o morwa mang?” Dafita a re: “Ke morwa Isai motlhanka wa gago wa kwa Betleheme.” E rile Dafita a sena go bua le Saule Jonathane a tsalana le Dafita, a mo rata fela jaaka a ithata. Mme Saule a mo tsaya ka letsatsi leo, a se ka a mo lesa go boela kwa lapeng la ga rraagwe. Jonathane a dira kgolagano le Dafita, ka gonne o ne a mo rata jaaka a ithata. Jonathane a apola kobo e o neng a e apere, a e naya Dafita; a ba a mo naya diaparo tsa gagwe le tšhaka ya gagwe le bora jwa gagwe le moitlamo wa gagwe. E ne ya re fa Dafita a bolola, a nne letlhogonolo gongwe le gongwe kwa Saule a mo romang teng mo Saule a bileng a mo laodisa batlhabani, mme ga itumedisa morafe otlhe le batlhanka ba ga Saule. Mme e rile ba boa le Dafita a sena go bolaya Mofelesita, basadi ba tswa mo metseng yotlhe ya Iseraele, ba baka, ba bina, ba kgatlhantsha kgosi Saule ka meropana le ka boitumelo le ka diletso tsa ditshipi tse tharo. Jaanong basadi ba ba duduetsang, ba baka ba re: “Saule o bolaile dikete, mme Dafita ene o bolaile dikete tse some.” Ke fa Saule a tuka bogale thata. Lefoko leo la mo sudisa pelo, mme a re: “Ba neile Dafita dikete tse some, mme nna ba mpha dikete fela. O sa ntse a tlhaela bogosi fela.” Mme Saule a nna a fufegela Dafita go tloga ka letsatsi leo go ya pele. Ya re kamoso Saule a tsenwa ke mowa o o bosula wa Modimo, mme a galefa jaaka e kete o a tsenwa a le mo ntlong, Dafita a letsa harepa ka seatla jaaka ka metlha; Saule ene a bo a tshotse lerumo ka seatla. Jaanong Saule a konopa ka lerumo, a re o tla tlhabakelela Dafita fa loboteng. Mme Dafita a le tila, a mo tshaba gabedi. Ka moo Saule a boifa Dafita, ka Morena a na nae, mme a tlogetse Saule. Bakeng leo Saule a mo tlosa fa go ene, a mo dira molaodi wa ba le sekete. Jaanong a bolole, a ba a boe a ntse a eteletse banna pele. Dafita a nna a tlhogonolofala mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe ka Morena a na nae. Ya re Saule a mmona a tshegofala thata a rerega ka ntlha ya gagwe. Mme Baiseraele le Bajuta botlhe ba bo ba rata Dafita; gonne a ntse a tswa, a ba a tsena, a ba eteletse pele. Jaanong Saule a raya Dafita a re: “Bona, morwadiake yo mogolo Merabe, ene ke tla mo go neela go nna mosadi wa gago. Fela o nne mogale wa me, o lwe dintwa tsa Morena.” Kana Saule a akanya jaana a re: “A a se ka a bolawa ke nna, a a bolawe ke Bafelesita.” Mme Dafita a fetola Saule a re: “Nna ke mang? Lotso lwa me le losika lwa ga rre ke eng mo Iseraeleng mo nka nnang mogwe wa kgosi?” Mme ya re ka sebaka sa go neela Dafita Merabe morwadia Saule a neelwa Ateriele wa kwa Mehola go nna mosadi wa gagwe. Mme Migale morwadia Saule yo mmotlana o ne a rata Dafita. Ya re ba itsise Saule jalo a dumalelana le seo. Saule a re: “Ke tla mo mo neela gore e nne ene serai mo go ene, mme a bolawe ke diatla tsa Bafelesita.” Mme Saule a raya Dafita a re: “O tla nna mogwe wa me kajeno ka go nyala morwadiake wa bobedi.” Saule a laela batlhanka ba gagwe a re: “Buang le Dafita mo sephiring lo re: ‘Itse gore kgosi e kgatlhwa ke wena, batlhanka botlhe ba yona ba go rata. O tshwanetse gore o nne mogwe wa kgosi!’ ” Batlhanka ba ga Saule ba bua mafoko ao mo ditsebeng tsa ga Dafita, mme Dafita a botsa a re: “A ke selo se se botlhofo mo matlhong a lona go nna mogwe wa kgosi? Kana ke monna fela yo o humanegileng, yo o se nang tlotlo.” Batlhanka ba ga Saule ba mo itsise ba re: “Dafita o buile mafoko jaana le jaana.” Saule a re: “Rayang Dafita jaana lo re: ‘Kgosi ga e kgatlhwe ke bogadi jo bongwe fa e se matlalo a a sa rupisiwang a le lekgolo a Bafelesita, e le go ipusolosetsa mo babeng ba kgosi.’ ” Saule a loga maano jalo go diga Dafita ka diatla tsa Bafelesita. Ya re batlhanka ba gagwe ba bolelela Dafita mafoko ao, a a itumelela gore a nne mogwe wa kgosi. Mme ya re malatsi a a beilweng a ise a fete Dafita a nanoga, a ya le banna ba gagwe, a bolaya banna ba le 200 ba Bafelesita. Dafita a ba a tlisa matlalo a a sa rupisiwang a bone, a neelwa kgosi e le palo e e tletseng gore Dafita a tle a nne mogwe wa kgosi. Ke fa Saule a mo neela Migale morwadie go nna mosadi wa gagwe. Jaanong ya re Saule a bona le go lemoga fa Morena a na le Dafita, e bile Migale morwadie a mo rata, Saule a oketsegelwa ke poifo ya go boifa Dafita, mme a nna mmaba wa ga Dafita ka metlha yotlhe. Dikgosana tsa Bafelesita di ne di bolola, mme ka nako le nako fa di bolola Dafita a nne tlhogonolo go gaisa batlhanka botlhe ba ga Saule. Leina la gagwe la ba la tlotlega mo go fetisang. Jaanong Saule a bua le Jonathane morwawe le batlhanka botlhe ba gagwe, a rata go bolaya Dafita. Mme Jonathane morwa Saule o ne a kgatlhwa thata ke Dafita. Jonathane a sebela Dafita a re: “Rre Saule o batla go go bolaya. Jaanong a ko itise mo mosong, o nne fa o fitlhegileng teng, o iphitlhe. Ke tla tswa ka nosi, ke ema le rre kwa nageng fa o leng teng, ke bua nae ka ga gago. Se ke tla se lemogang ke tla se go sebela.” Mme Jonathane a bua tse di molemo ka ga Dafita le Saule rraagwe, a mo raya a re: “A kgosi e se ka ya leofela Dafita motlhanka wa yona, gonne ga a ise a ke a go leofele. E bile ditiro tsa gagwe di go thusa thata. Kana o ne a sa rekegele bophelo jwa gagwe ka go bolaya Mofelesita yole, mme Morena a direla Baiseraele botlhe pholoso e kgolo ka ene. Seo o se bonye, wa ba wa itumela. Jaanong ke ka ntlha ya eng, fa o rata go leofela motho yo o se nang molato ka go bolaya Dafita kwa ntle ga lebaka.” Saule a kgonwa ke lentswe la ga Jonathane, a ba a ikana a re: “Ka bophelo jwa Morena Dafita ga a kitla a bolawa.” Ke fa Jonathane a bitsa Dafita, a mo itsise mafoko otlhe ao, a mo isa kwa go Saule. Mme Dafita a mo direla gape jaaka gale. Jaanong ya re go tsoga ntwa gape, Dafita a bolola go tlhabana le Bafelesita, a ba bolaya ka polao e kgolo, mme ba tshaba ba hulere. Mme Saule a tsenwa ke mowa o o bosula wa Morena gape a ntse a dutse mo ntlong ya gagwe, a tshwere lerumo la gagwe mme Dafita a letsa harepa ka seatla. Ke fa Saule a re o tlhabakelela Dafita fa loboteng ka lerumo, mme ene a le tila, a thiboga fa pele ga Saule, mme a tlhaba lobota ka lerumo mme Dafita a tshaba, a falola. Bosigong joo Saule a roma barongwi kwa lapeng la ga Dafita gore ba mo lalele, ba mmolae mo mosong. Mme Migale mosadi wa gagwe a itsise Dafita a re: “Fa o sa pholose bophelo jwa gago bosigo jono o tla tsoga o bolawa kamoso.” Jaanong Migale a folosa Dafita ka fenstere; a tloga, a tshaba, a falola. Migale a ba a tsaya setshwantsho sa modimo wa ntlo, a se robatsa mo bolaong, a baya lesire la boboa jwa dipodi mo tlhogong ya sona, a se khurumetsa ka kobo. Mme ya re Saule a roma barongwi go tshwara Dafita, Migale a re: “O a lwala.” Saule a roma barongwi bao gape ba ye go bona Dafita, a re: “Mo tliseng kwano go nna ka bolao gore ke mmolae.” Ya re barongwi bao ba tsena ba fitlhela setshwantsho sa modimo wa ntlo se le mo bolaong le lesire la boboa jwa dipodi le le mo tlhogong ya sona. Ke fa Saule a raya Migale a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ntsieditse jalo, wa lesa mmaba wa me a falola?” Mme Migale a raya Saule a re: “Ene o ntheile a re: ‘Nte ke tsamae! Go seng jalo ke tla go bolaya.’ ” Mme Dafita a tshaba, a falola, a fitlha kwa go Samuele kwa Rama, a mo itsise tsotlhe tse Saule o di mo diretseng. Mme ene le Samuele ba ya ba nna mo matlong a baporofeti. Mme Saule a sebelwa ga twe: “Itse gore Dafita o mo matlong a baporofeti kwa Rama.” Ke fa Saule a roma barongwi go tshwara Dafita. Ya re ba bona lesomo la baporofeti le duduetsa le Samuele a eme e le tlhogo ya bone, barongwi ba ga Saule ba tsenwa ke Mowa wa Modimo le bone ba duduetsa. Ya re Saule a sena go begelwa jalo, a roma barongwi ba bangwe, le bone ba duduetsa. Gape Saule a roma barongwi lwa boraro, le bone ba duduetsa. Jaanong Saule a ya kwa Rama ka esi, a fitlha kwa sedibeng se segolo se se kwa Segu, a botsa a re: “Samuele le Dafita ba kae?” Ba re: “Ba mo matlong a baporofeti kwa Rama.” A ya teng kwa matlong a baporofeti kwa Rama, mme le ene a tsenwa ke Mowa wa Modimo, a tsamaya a ntse a duduetsa go ya go fitlha teng. Ke fa le ene a apola diaparo tsa gagwe a duduetsa fa pele ga Samuele, a namalala fa fatshe, a sa ikatega motshegare otlhe oo le bosigo jotlhe joo. Ke ka moo go tweng: “A Saule le ene ke moporofeti?” Mme Dafita a tshaba, a tswa mo matlong a baporofeti kwa Rama, a fitlha fa go Jonathane, a mmotsa a re: “Ke dirileng? Molato wa me ke eng? Ke leofileng fa pele ga rraago mo a batlang go mpolaya?” Mme Jonathane a mo raya a re: “A go nne kgakala. Ga o kitla o swa. Bona, rre ga a dire sepe se segolo gongwe se sebotlana a ise a se ntshenolele. E ka nna ka ntlha ya eng fa rre a ntobela selo se? Ga go na se se ntseng jalo.” Mme Dafita a bile a ikana a re: “Rraago o itse sentle fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago. O akantse go re: ‘A Jonathane a se ka a itse e se re gongwe a hutsafala.’ Fela ruri ka bophelo jwa Morena le ka bophelo jwa gago go na le kgato e le nngwe fela fa gare ga me le loso.” Ke fa Jonathane a raya Dafita a re: “Se o se eletsang ke tla se go direla.” Dafita a raya Jonathane a re: “Kamoso ngwedi o tsoga o rogwa. Tota ke ne ke tshwanetse go nna le kgosi fa dijong. Mme nte ke iphitlhe mo nageng go fitlha mantsiboeng a letsatsi la boraro. Fa rraago a ka ntlhoka, o bolele o re: ‘Dafita o ikopile mo go nna gore a tabogele kwa Betleheme motseng wa ga gabo. Gonne go na le tlhabelo ya ngwaga gona ya losika lwetsho.’ Fa a ka bua jaana a re: ‘Go siame!’ foo motlhanka wa gago o na le kagiso. Mme fa a galefa thata, o itse gore o setse a ikaeletse tatlhego ya me. Jaanong direla motlhanka wa gago ka bopelotlhomogi, gonne o tsentse motlhanka wa gago mo kgolaganong ya Morena nao. Mme fa molato o le teng mo go nna, a ke bolawe ke wena. O tla bo o nkisetsang kwa go rraago?” Mme Jonathane a re: “O se ka wa re jalo! Kana fa ke lemoga tota gore rre o ikaeletse go go isa mo tatlhegong, ga nka ke ka tlhoka go go itsise.” Mme Dafita a botsa Jonathane a re: “Ke mang yo o tla mpegelang, fa rraago a go fetola ka tse di thata?” Ke fa Jonathane a raya Dafita a re: “Tlaya, re tswele kwa nageng!” Ba tswela kwa nageng ka bobedi jwa bone. Jonathane a ba a raya Dafita a re: “A Morena, Modimo wa Iseraele, e nne mosupi; ke tla botsolotsa rre kamoso mo nakong e le ka moso o mongwe; fa ke fitlhela go siametse Dafita foo ke tla roma kwa go wena, ke go senolela jalo. A Morena a direle Jonathane jaana a mo okeletse jaana: Fa go siametse rre go digela bosula mo go wena ruri ke tla go senolela jalo, ke go naya tsela gore o tsamae ka kagiso. Mme a Morena a nne nao jaaka a ne a na le rre. Ka thapelo, fa ke sa ntse ke phela ke kopa gore o ntirele ka bopelotlhomogi jwa Morena. Mme fa nka swa o se ka wa tlosa bopelotlhomogi jwa gago mo lapeng la me ka bosakhutleng le e seng fa Morena a nyeletsa baba ba ga Dafita ka go latelana ga bone, a ba tlosa mo lefatsheng.” Jonathane a dira kgolagano jalo le lelapa la ga Dafita, a re: “Morena o tla busolosa baba ba ga Dafita.” Jaanong Jonathane a ikanisa Dafita gape ka lorato lo a mo ratang ka lone; gonne o ne a mo rata ka pelo yotlhe. Jonathane a ba a mo raya a re: “Kamoso ngwedi o tsoga o rogwa. O tla tlhokwa fa o batlwa mo mannong a gago. Mme ka letsatsi la boraro o fologe ka pele, o tle kwa felong fa o neng o iphitlhile teng maloba, o nne fa fatshe fa thoko ga lefika la Asele. Jaanong ke tla hulela metsu e le meraro ka fa lotlhakoreng lwa lone jaaka e kete ke hula sengwe. Bona, ke tla roma mosimane ke re: ‘Yaa o batle metsu.’ Jaanong fa ke raya mosimane ke re: ‘Bona, metsu e ka kwano ga gago, e tsee!’ gona o ka tla, gonne ka bophelo jwa Morena o mo kagisong; ga go na kotsi epe. Mme fa ke raya lekau jaana ke re: ‘Bona, metsu e kwa pele ga gago!’ gona o tsamae, gonne Morena o tla bo a go neile tsela. Mme fa e le lefoko le re buileng mmogo, Morena o fa gare ga rona bosakhutheng.” Ke fa Dafita a iphitlha kwa nageng. Ya re ka la ngwedi o o rogilweng, kgosi ya nna fa bojelong go ja. Kgosi ya nna mo mannong a yona jaaka ka gale mo mannong a a fa loboteng, Jonathane a lebaganye nae. Abenere a nna fa thoko ga Saule. Manno a ga Dafita a tlhoka mong wa ona. Ka letsatsi leo Saule a se ka a bua sepe; gonne o ne a gopola gore gongwe o dirafaletswe ke maila mangwe; go gongwe ga a itsheka, mme a ise a itshekisiwe. Mme ya re kamoso ka letsatsi la bobedi la ngwedi o o rogilweng manno a ga Dafita a tlhoka mong wa ona gape, Saule a botsa Jonathane morwawe a re: “Ke ka ntlha ya eng fa morwa Isai a se ka a tla dijong maabane le kajeno?” Jonathane a araba Saule a re: “Dafita o ikopile thata mo go nna go ka ya kwa Betleheme, a re: ‘A ko o nte ke tsamae, gonne re na le tlhabelo ya losika kwa motseng wa ga etsho. E bile nkgonne o mpiditse ka esi. Jaanong he, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, nte ke itlhaganele ke ye go bona bomogolole.’ Ke ka moo a se kang a tla bojelong jwa kgosi.” Ke fa Saule a tukela Jonathane bogale a mo raya a re: “Wena morwa borukhutlhi jo bo maswe! A o ithaya o re, ga ke itse fa o itlhaoletse morwa Isai? Mme e tla nna ditlhong tsa gago le ditlhong tsa mmele wa ga mmaago. Gonne ka malatsi otlhe a morwa Isai o phelang ka ona mo lefatsheng ga o kitla o tlhomamisiwa le e seng go dirwa kgosi. Jaanong ka re, roma o mo tlise kwano go nna, gonne o tshwanetse go bolawa.” Jonathane a araba Saule rraagwe a re: “O tla bo a bolaelwang? O dirile eng?” Ke fa Saule a mo konopa ka lerumo, a re o a mo tlhaba. Jonathane a lemoga jalo fa rragwe a feditse pelo go bolaya Dafita. Jaanong Jonathane a nanoga, a tlogela bojelo ka bogale jo bo tukang; a se ka a ja dijo ka letsatsi leo la bobedi la ngwedi o o rogilweng; gonne o ne a tshwenyegela Dafita, ka rraagwe a mo rogakile. Ya re mo mosong Jonathane a tswela kwa nageng jaaka a dumalanye le Dafita, a na le mosimanyana. A raya mosimane wa gagwe a re: “Siana o batle metsu e ke tla e fulang.” Ya re mosimane a taboga, a fula motsu, a o fetisa ka ene. Ya re mosimane a fitlha fa motsu o wetseng teng o Jonathane a o hudileng, Jonathane a tlhaeletsa mosimane a re: “Kana motsu o kwa pele ga gago!” Jonathane a ba a tlhaeletsa mosimane a re: “Dira ka pele, o itlhaganele, o se ka wa ema.” Ke fa mosimane wa ga Jonathane a nopa metsu, a ba a boela kwa go mongwagwe. Mosimane a bo a sa itse sepe, tumelano ya bo e le sephiri sa ga Jonathane le Dafita fela. Jaanong Jonathane a neela mosimane yo o neng a na nae dibolai tsa gagwe, a mo laela a re: “Tsamaya o di ise kwa motseng.” Ya re mosimane a ntse a tsamaya go ya kwa gae, Dafita a nanoga, a tswa ka fa ntlheng ya borwa, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a inama gararo; ba atlana, ba lela mmogo; la bofelo Dafita a lela mo go fetisang. Jaanong Jonathane a raya Dafita a re: “Tsamaya ka kagiso! Kana re ikanne ka bobedi jwa rona ka leina la Morena ra re: ‘Morena o tla nna fa gare ga rona le fa gare ga losika lwa me le lwa gago ka bosakhutleng.’ ” Ke fa Dafita a nanoga a tsamaya, Jonathane ene a boela kwa motseng. Dafita a fitlha kwa Nobe kwa go moperesiti Ahimelege. Ahimelege a kgatlhantsha Dafita a tshogile a mmotsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o tla o le wesi fela o se na le ope?” Dafita a araba moperesiti Ahimelege a re: “Kgosi e ntaetse tiro nngwe, ya nthaya ya re: ‘A go se nne ope yo o itseng sepe sa tiro e ke e go romileng le e seng se ke se go laetseng.’ Kana le batlhanka ke ba romile kwa felong ga bolebelebe. Jaanong he, go na le eng fa lapeng? Mphe dinkgwe di le tlhano gongwe se se leng teng.” Moperesiti a araba Dafita a re: “Ga ke na senkgwe sa metlha yotlhe, mme senkgwe se se leng teng ke se se boitshepo fela; lo ka se fiwa fela fa batlhanka ba ikileditse basadi.” Dafita a araba moperesiti a mo raya a re: “Ruri, e setse e le sebaka re ntse re ileditswe basadi. E rile ke bolola mebele ya batlhanka ya bo e le boitshepo le fa e le leeto fela le le sa itshepisiwang. Bogolo jang ba tla bo ba itshekile kajeno mo mebeleng.” Ke fa moperesiti a mo naya dinkgwe tse di boitshepo; gonne go ne go se na dinkgwe tse dingwe fa e se dinkgwe tsa tshupo tse di neng di tle di tlosiwe fa pele ga Morena gore go bewe tse dintšhwa teng ka letsatsi le go tlosiwang tse kgologolo ka lone. Mme ka letsatsi leo go ne go le mongwe wa batlhanka ba ga Saule, a golegilwe fa pele ga Morena; leina la gagwe e ne e le Doege wa Moetomo, mookamedi wa badisa ba ga Saule. Jaanong Dafita a botsa Ahimelege a re: “A ga go na lerumo gongwe tšhaka fano? Gonne ga ke a tshola tšhaka ya me le fa e le dibolai; kana tiro ya kgosi e re tlositse ka potlako.” Moperesiti a re: “Tšhaka ya ga Goliathe wa Mofelesita yo ò mmolaetseng kwa molapong wa ditlhare tsa metherebinthe e teng, e phuthilwe ka lesela ka fa morago ga khiba ya moperesiti; fa o rata go e tsaya e tsee; gonne ga go na e nngwe kwa ntle ga yona.” Dafita a re: “Ga go na epe e e tshwanang nayo, e nnee!” Jaanong Dafita a nanoga a tshaba ka letsatsi leo ka ntlha ya ga Saule, a ya kwa go Agiše kgosi ya Gathe. Mme batlhanka ba ga Agiše ba mo raya ba re: “Yoo a ga se Dafita motlhanka wa kgosi ya lefatshe lele? A ga se ene yo ba neng ba mo opela dipina ba re: ‘Saule o bolaile dikete, mme Dafita ene o bolaile kete tse some’?” Mme mafoko ao a ne a tshosa Dafita, a boifa thata, a tshaba Agiše, kgosi ya Gathe. Ka moo a iphetola tlhaloganyo mo matlhong a bone, a itira setsenwa a le mo diatleng tsa bone, a ngapa mo ditswalong tsa kgoro, a lesa mathe a gagwe a elela mo ditedung. Ke fa Agiše a raya batlhanka ba gagwe a re: “Kana lo bona monna yo gore o tsenwa! Ke kantlha ya eng, fa lo mo tlisa kwano? A ke tlhoka ditsenwa fa lo mo tlisa gore a tle go ntshwenya ka botsenwa jwa gagwe? A yoo o ka tsena mo ntlong ya me?” Ke fa Dafita a tloga teng a falolela kwa logageng lwa Adulame. Ya re bomogolowe le ba lapa la ga rraagwe botlhe ba utlwa jalo ba ya kwa go ene. A ba a kgobokanelwa ke banna botlhe ba ba mo pitlaganyong le banna botlhe ba ba tsereng melato le banna botlhe ba ba pelo-di-botlhoko, a nna molaodi wa bone; ba nna nae e ka nna banna ba le 400. Dafita a ba a tloga teng a ya kwa Mitsephe wa Moabe, a raya kgosi ya Moabe a re: “A rre le mme ba tshabele kwano go lona go tsamaya ke be ke itse se Modimo o tla se ntirelang.” Jaanong a ba tlisa fa pele ga kgosi ya Moabe, ba nna nayo ka malatsi otlhe a Dafita a ntseng a le kwa botshabelong jo bo femetsweng ka ona. Mme moporofeti Gate a raya Dafita a re: “O se ka wa nna mo botshabelong joo. Tloga o ye kwa nageng ya Juta.” Dafita a ya a fitlha kwa sekgweng sa Herethe. E rile Saule a sena go utlwela Dafita le banna ba ba nang nae, a nna fa tlase ga setlhare sa motamariseka kwa Gibea mo thoteng a tshotse lerumo la gagwe ka seatla, mme batlhanka botlhe ba gagwe ba eme fa go ene. Ke fa Saule a raya batlhanka ba gagwe ba ba emeng fa go ene a re: “Utlwang tlhe, lona Babenyamene! A le morwa Isai o tla lo naya lotlhe masimo le masimo a meweine? A o tla lo dira lotlhe balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo, fa lo ikgolagantse lotlhe go lwa le nna, go se na ope yo o ntshebelang fa morwaake a dira kgolagano le morwa Isai; go se na ope mo go lona yo o nkutlwelang botlhoko, a nkitsise, fa morwaake a tlhotlheletsa motlhanka wa me gore a ntsogele, a ntalele jaaka go ntse kajeno?” Ga fetola Doege wa Moetomo a ntse a eme le batlhanka ba ga Saule a re: “Ke bonye morwa Isai a tla kwa Nobe kwa go Ahimelege morwa Ahitube. Ahimelege a mmoletsa Morena, a mo naya mfago, a ba a mo naya tšhaka ya ga Goliathe wa Mofelesita.” Ke fa kgosi e roma go bitsa moperesiti Ahimelege morwa Ahitube le botlhe ba lapa la ga rraagwe, e bong baperesiti ba ba neng ba le kwa Nobe. Ba tla botlhe kwa kgosing. Jaanong Saule a re: “A ko o utlwe wena morwa Ahitube.” A araba a re: “Ke fano, morena wa me.” Saule a mmotsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo ikgolagantse go lwa le nna, wena le morwa Isai? Ka gonne o mo neile dijo le tšhaka, wa mmoletsa Modimo gore a ntsogele, a ntalele jaaka go ntse kajeno.” Ahimelege a fetola kgosi a re: “Ke mang mo batlhankeng botlhe ba gago yo o ikanyegang jaaka Dafita? E bile ke mogwe wa kgosi le molaodi wa ba ba go femelang, a tlotlega mo lapeng la gago. A ke sa ntlha ke mmoletsa Modimo? Ga go a nna jalo. A kgosi e se ka ya baya motlhanka wa yona le botlhe ba lelapa la ga rraagwe molato; gonne motlhanka wa gago ga a ka a itse sepe sa dilo tsotlhe tseo, le fa e le se sebotlana gongwe se segolo.” Mme kgosi ya re: “Ahimelege, ruri o tsile go swa, wena le botlhe ba lelapa la ga rraago.” Ke fa kgosi e raya batlhanka ba ba emeng fa go yona e re: “Atamelang lo bolae baperesiti ba Morena, gonne le bone ba goga le Dafita. Le fa ba ne ba itse gore ene o a tshaba, ga ba a ka ba nkitsise.” Mme batlhanka ba kgosi ba gana go ntsha mabogo go wela baperesiti ba Morena. Ke fa kgosi e raya Doege e re: “Atamela wena, o wele baperesiti.” Doege wa Moetomo a atamela, a wela baperesiti, a bolaya banna ba le 85 ba ba apereng lesela la khiba ya boperesiti ka letsatsi leo. A ba a bolaya Nobe, ona motse wa baperesiti ka bogale jwa tšhaka, banna le basadi le bana le masea le dikgomo le diesele le dinku ka bogale jwa tšhaka. Mme ga falola morwa a le mongwe wa ga Ahimelege morwa Ahitube; leina la gagwe e ne e le Abjathare; a tshaba, a latela Dafita. Abjathare a feta a itsise Dafita a re: “Saule o bolaile baperesiti ba Morena.” Dafita a raya Abjathare a re: “Ke sa le ke itse ka letsatsi lele jale fa Doege wa Moetomo a ne a le teng gore ke ene yo o tla bolelelang Saule. Ke ka ntlha ya me fa go bolailwe botlhe ba lapa la ga rraago. Nna le nna, o se ka wa boifa; gonne yo o ratang go go bolaya o rata go bolaya nna. O mo tshireletsong, fa o na le nna.” Dafita o ne a begelwa ga twe: “Bona, Bafelesita ba tlhabana le Kehila, e bile ba ba thukhutha mabele mo diboaneng.” Ke fa Dafita a botsa Morena a re: “A ke ye ke bolae Bafelesita bao?” Morena a araba Dafita a re: “Yaa o bolae Bafelesita bao, o thuse Kehila.” Mme banna ba ga Dafita ba mo raya ba re: “Kana re setse re boifa mono mo Juta, jaanong fa re le kwa Kehila kwa mephatong ya Bafelesita, gona go tla nna jang?” Dafita a ba a botsa Morena gape. Morena a mo araba a re: “Nanoga o fologele kwa Kehila; gonne ke tla neela Bafelesita mo diatleng tsa gago.” Ke fa Dafita a ya kwa Kehila a na le banna ba gagwe, a tlhabana le Bafelesita, a gapa diruiwa tsa bone, a ba bolaya ka polao e kgolo. Dafita a pholosa baagi ba Kehila jalo. Kana e rile Abjathare morwa Ahimelege a tshabela kwa go Dafita kwa Kehila, a eta a tshotse khiba ya boperesiti. Jaanong ya re Saule a itsisiwe gore Dafita o tsenye kwa Kehila, Saule a re: “Modimo o mo neetse mo diatleng tsa me; gonne o itswaletse ka go tsena mo motseng o o nang le ditswalo le mephakarego.” Ka mo Saule a kua banna botlhe go ya kwa ntweng kwa Kehila go dikanyetsa Dafita le banna ba gagwe ka ntwa. Mme ya re Dafita a lemoga, fa Saule a mo logela maano a a bosula, a raya Abjathare moperesiti a re: “Tlisa khiba ya boperesiti kwano.” Jaanong Dafita a botsa a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, motlhanka wa gago o utlwile gore Saule o rata go tla kwano Kehila le go senya motse o ka ntlha ya me. A beng ba Kehila ba tla nneela mo diatleng tsa gagwe? A Saule o tla fologela kwano jaaka motlhanka wa gago a utlwile? Morena, Modimo wa Iseraele, a ko o itsise motlhanka wa gago jalo.” Morena a re: “O tla fologa.” Dafita a boela a botsa a re: “A beng ba Kehila ba tla nneela mo diatleng tsa ga Saule, nna le banna ba me?” Morena a re: “Ba tla lo neela.” Ke fa Dafita a nanoga a na le banna ba gagwe – e ka nna banna ba le 600 – ba tloga kwa Kehila, ba itsamaela mo ba itsamaelang teng. Ya re Saule a begelwa gore Dafita o falotse kwa Kehila, a thinya. Morago ga moo Dafita a nna kwa sekakeng mo dikgageng, a nna mo dithabeng kwa sekakeng sa Sife. Saule a nna a mmatla ka malatsi otlhe, mme Modimo wa se ka wa mo neela mo diatleng tsa gagwe. Mme Dafita a lemoga fa Saule a bolotse go tsoma botshelo jwa gagwe. E rile Dafita a le mo sekgweng kwa sekakeng sa Sife, Jonathane morwa Saule a nanoga, a ya kwa go Dafita kwa sekgweng, a mo nametsa pelo ka Modimo. A mo raya a re: “Se boife! gonne seatla sa ga rre Saule ga se kitla se go tshwara, mme wena o tla nna kgosi ya Iseraele, nna ke go loma serota. Le rre Saule o itse jalo.” Jaanong bone babedi ba dira kgolagano fa pele ga Morena. Dafita a sala kwa sekgweng sele, Jonathane ene a boela kwa gae. Mme Basife ba tlhatlogela kwa go Saule kwa Gibea ba re: “Kana Dafita o iphitlhile kwa go rona mo dikgageng mo sekgweng kwa thabaneng ya Hagila mo ntlheng ya borwa ya naga e e senya. Jaanong he, kgosi, fologela teng fela ka fa pelo ya gago e eletsang ka teng go fologela gona. E tla nna tiro ya rona go mo neela mo diatleng tsa kgosi.” Ke fa Saule a re: “A Morena a lo tshegofatse, gonne lo ntlhomogetse pelo. Yaang he, lo tlhotlhomise gape, lo lemoge felo ga gagwe, lo bone fa motlhala wa gagwe o leng teng le yo o mmonyeng teng. Gonne ke boleletswe gore ke rramaano-a-mantsi. Okomelang lo lotolotse maiphitlho otlhe kwa a iphitlhang teng, lo be lo boele kwa go nna, fa lo itse sentle. Foo ke tla ya le lona. Fa a le teng mo lefatsheng le, ke tla mmatla mo dinageng tsotlhe tsa Juta.” Jaanong ba nanoga, ba boela kwa Sife, ba etelela Saule pele. Dafita le banna ba gagwe ba bo ba le mo sekakeng sa Maone mo lebaleng ntlheng ya borwa ya naga e e senya. Mme ya re Saule a ya a na le banna ba gagwe go mmatla, Dafita a sebelwa jalo, a fologela kwa lefikeng le le mo sekakeng sa Maone. Ya re Saule a utlwa jalo, a letelela Dafita kwa sekakeng sa Maone. Saule le banna ba gagwe ba tsamaya go pota thaba ka kwano, mme Dafita le banna ba gagwe ba tsamaya go pota thaba ka kwa. Mme ya re Dafita a itlhaganela go tshaba, ka a boifa Saule, Saule le banna ba gagwe ba dikanyetsa Dafita le banna ba gagwe gore ba ba tshware. Ke fa go tla morongwi kwa go Saule a re: “Itlhaganele o tle, gonne Bafelesita ba tlhasetse lefatshe.” Jaanong Saule a boa a khutlela Dafita, a ya go kgatlhantsha Bafelesita. Ke ka moo felo foo go teilweng leina go twe: Lentswe la go falola. Dafita a tloga teng, a tlhatloga a nna kwa dikgageng tsa Engedi. Jaanong ya re Saule a boa a tswa go leleka Bafelesita, a bolelelwa ga twe: “Bona, Dafita o kwa sekakeng sa Engedi.” Ke fa Saule a tsaya banna ba le 3 000 ba ba tlhaotsweng mo Baiseraeleng botlhe, a ya go batla Dafita le banna ba gagwe kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mafika a Diphudufudu. Ya re a fitlha kwa marakeng a dinku a a fa thoko ga tsela fa go leng logaga, Saule a tsena teng go ithoma, Dafita le banna ba gagwe ba ntse ba le kwa tengteng ga logaga. Ke fa banna ba ga Dafita ba mo raya ba re: “Bona, ke lone letsatsi le Morena o le go boleletseng a re: ‘Itse gore ke tla neela mmaba wa gago mo diatleng tsa gago gore o mo direle ka fa o ratang ka teng.’ ” Dafita a nanoga, a kgaola moja wa kobo ya ga Saule, a sa mmone. Mme morago ga moo Dafita a itewa ke letswalo, ka a kgaotse moja wa kobo ya ga Saule. A ba a raya banna ba gagwe a re: “A Morena a nthibele gore ke se ka ka direla morena wa me, motlodiwa wa Morena, selo se, ka mo ntshetsa letsogo; gonne ke ene motlodiwa wa Morena.” Dafita a kgalemela banna ba gagwe ka mafoko a a bogale, a se ka a ba dumelela go tsogela Saule. Saule a ba a nanoga, a tswa mo logageng a wela tseleng. Morago ga moo Dafita le ene a nanoga, a tswa mo logageng, a tlhaeletsa Saule a re: “Morena wa me, kgosi!” Ya re Saule a gadima, Dafita a inamela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba. Dafita a ba a raya Saule a re: “O dumelelelang mafoko a batho, fa ba re: ‘Bona, Dafita o rata go go direla bosula’? Kana matlho a gago a bona jaanong ka fa Morena a go neetseng ka teng mo diatleng tsa me kajeno mo logageng, mme go tilwe, ke go bolae, mme ka go rekegela ka re: ‘Ga nkitla ke ntshetsa morena wa me letsogo, gonne ke ene motlodiwa wa Morena.’ Rra, leba, o be o bone moja wa kobo ya gago o o mo seatleng sa me, jaaka ke o kgaotse, mme ka se ka ka go bolaya; o ka lemoga, wa bona fa go se na bosula gongwe bolotsana mo pelong ya me. Ga ke a go leofela, mme wena o ntsoma go nkamoga bophelo. Morena o tla atlhola fa gare ga me le wena; Morena o tla mpusolosetsa mo go wena. Mme seatla sa me ga se kitla se lwa nao. Jaaka seane sa bogologolo se re: ‘Boikepo bo tswa mo baikeping!’ Mme seatla sa me ga se kitla se go ama. Kgosi ya Iseraele e bolotse go latelela mang? Wena o tsoma mang? O latelela ntšwa e e suleng, o tsoma letsetse le le lengwe fela. Morena o tla nna moatlhodi, a atlhola fa gare ga rona, a a ele tlhoko, a lwele kgang ya me, a nkatlholele, a nkgolole mo seatleng sa gago!” Ya re Dafita a sena go bua mafoko ao le Saule, Saule a re: “A ke lone lentswe la gago, morwaaka Dafita?” A ba a tlhatlosa lentswe, a lela, a raya Dafita a re: “Wena o siame bogolo go nna; gonne o ntiretse tse di molemo, mme nna ke go diretse tse di bosula. Kajeno o mpontshitse tse di molemo tse o di ntiretseng, etswe Morena a nneetse mo diatleng tsa gago, mme wa se ka wa mpolaya. A fa motho a tshwara mmaba wa gagwe, o ka mo naya tsela ka kagiso? A Morena a go duele ka tse di molemo ka ntlha ya tse o di ntiretseng. Mme jaanong, ke a itse gore o tla nna kgosi tota; e bile bogosi jwa lseraele bo tla tlhomama mo seatleng sa gago. Jaanong he, inkanele ka Morena gore ga o kitla o nyeletsa losika lwa me sehularong sa me le e seng go phimola leina la me mo lapeng la ga rre.” Dafita a ikanela Saule jalo. Saule a ba a boela kwa lapeng la gagwe. Dafita le banna ba gagwe ba tlhatlogela kwa logageng lwa thaba. Jaanong Samuele a swa, mme Baiseraele botlhe ba kgobokana ba mo lelela, ba mo fitlha mo ntlong ya gagwe kwa Rama. Dafita ene a nanoga a fologela kwa sekakeng sa Pharane. Jaanong go ne go le monna kwa Maone, mme diruiwa tsa gagwe di le kwa motseng wa Karemele. Monna yoo o ne a humile thata, a na le dinku di le 3 000 le dipodi di le 1 000. A bo a beola dinku tsa gagwe kwa Karemele. Leina la monna yoo e ne e le Nabale, leina la mosadi wa gagwe e le Abikaile. Mosadi yoo o ne a na le tlhaloganyo e e siameng, a bopegile sentle, monna ene a le peloethata, a le bosula mo ditirong, e le wa losika lwa ga Kalebe. Jaanong ya re Dafita a utlwa a le kwa sekakeng gore Nabale o beola dinku tsa gagwe, Dafita a roma makau a le some, a a laela a re: “Tlhatlogelang kwa Karemele, lo ye kwa go Nabale, lo mo mpoletse bophelo, lo ree yo o phelang monate jaana lo re: ‘A kagiso e nne nao, a kagiso e nne mo lapeng la gago, a kagiso e nne le tsotlhe tse o nang natso! Ke gona ke utlwang gore o na le babeodi ba dinku. Kana badisa ba gago ba ne ba ntse ba na le rona, re sa ba tshwenye, ba sa timelelwe ke sepe ka malatsi otlhe, fa ba ntse ba le kwa Karemele. Botsa makau a gago, a tla go bolelela jalo. Jaanong a makau a me a bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago. Gonne re tsile ka letsatsi la letsema. A ko o nee batlhanka ba gago le morwao Dafita tse di leng mo seatleng sa gago.’ ” Makau a ga Dafita a fitlha, a bua le Nabale mafoko otlhe ao jaaka a laetswe ke Dafita, a ba a letela. Mme Nabale a fetola batlhanka ba ga Dafita a re: “Dafita ke mang? Morwa Isai ke mang? Kajeno go na le batlhanka ba bantsi ba ba thobang mo go beng ba bone. A nka tsaya bogobe jwa me le dino tsa me le dinama tsa me tse ke di apeetseng babeodi ba dinku tsa me, ka di naya banna ba ke sa itseng kwa ba tswang gona?” Ke fa makau a ga Dafita a retologa, a wela tseleng ya one, a boa a fitlha, a mmolelela mafoko otlhe ao. Ke fa Dafita a raya banna ba gagwe a re: “A mongwe le mongwe a itlamelele tšhaka!” Mongwe le mongwe a itlamelela tšhaka; le Dafita a itlamelela tšhaka ya gagwe. Ba bolola ba sala Dafita morago, e ka nna banna ba le 400, ba le 200 ba sala le dithoto. Mme lekau lengwe la makau la itsise Abikaile mosadi wa ga Nabale la re: “Itse gore Dafita o ne a romile barongwi ba tswa kwa sekakeng go dumedisa mong wa rona, mme o ba bifetse. Kana banna bao ba ne ba re thusa thata; ga re ise re ke re direlwe bosula, le e seng go latlhegelwa ke sepe ka malatsi otlhe a re neng re ntse re na nabo kwa nageng ka ona. Ba ne ba le lorako mo tikologong ya rona bosigo le motshegare ka malatsi otlhe, fa re ntse re na nabo, re disa dinku. Jaanong he, akanya o bone se o ka se dirang. Gonne tatlhego e okame mong wa rona le lelapa lotlhe la gagwe. Mme ene o pelompe; motho ga a ka ke a bua nae.” Ke fa Abikaile a itlhaganela a tsaya dinkgwe di le 200 le makuka a le mabedi a weine le dinku di le tlhano tse di buduleng le ditlatla di le tlhano tsa dipabe le dinkgwe di le 100 tsa maswabi a moweine le dinkgwe di le 200 tsa feie, a di belesa mo dieseleng. A laela makau a gagwe a re: “Nketeleleng pele, nna ke tla akofa ke lo latela!” Mme a se ka a bolelela Nabale monna wa gagwe sepe. Jaanong ya re a kgokologa a palame esele, a sirilwe ke thaba, a bona Dafita le banna ba gagwe ba fologa mo thabeng ba tla kwa go ene, a rakana nabo kwa tlase. Mme Dafita o ne a bonye gore “Ke diretse lefela, fa ke disitse tsotlhe tse e leng tsa yole kwa sekakeng mo go se kang ga tlhokafala sepe sa tsotlhe tsa gagwe. Jaanong o ntebogetse molemo ka bosula. A Modimo o direle Dafita jaana o mo okeletse jaana, fa nka sadisa a le mongwe fela yo motonanyana wa botlhe ba e leng ba gagwe go ya mo mosong.” Ya re Abikaile a bona Dafita, a akofa a fologa mo eseleng, a wa fa pele ga Dafita ka sefatlhego, a ikobela fa fatshe; a wela fa dinaong tsa gagwe a re: “Morena wa me, molato oo ke wa me. A lelata la gago le ke le bue mo ditsebeng tsa gago, a ko o utlwe mafoko a lelata la gago! A morena wa me a ke a se ka a ela Nabale tlhoko, monna yoo wa bopelompe. Gonne ene o ntse jaaka leina la gagwe: Leina la gagwe ke Lesilo, mme bosilo bo mo go ene. Mme nna lelata la gago ga ke a ka ka bona makau a o neng o a romile, wena morena wa me. Jaanong he, morena wa me, ka bophelo jwa Morena le ka bophelo jwa gago, wena yo Morena o go thibetseng go tla go tsholola madi le go itseela ka wesi. Mme jaanong a baba ba gago le ba ba batlelang morena wa me bosula ba nne jaaka Nabale. Mme jaanong mpho e, e lelata la gago le e tliseditseng morena wa me, a e newe makau a a setseng morena wa me morago. A ko o itshwarele molato wa lelata la gago. Gonne ka nnete, Morena o tla direla morena wa me ntlo e e tlhomameng, ka morena wa me a lwa dintwa tsa Morena, mme go se kitla go bonwa bosula mo go wena bophelong jotlhe jwa gago. Mme fa motho a ka tsoga go go latelela le go tsoma bophelo jwa gago, mowa wa morena wa me o tla bo o bofeletswe mo ngateng ya baphedi fa Moreneng, Modimo wa gago; mme o tla latlha mewa ya baba ba gago jaaka e kete e tswa mo letlalong la seragamajwe. Jaanong fa Morena a direla morena wa me tse di molemo tsotlhe tse o di mo solofeditseng, a go dira moeteledipele wa Iseraele, gona o tla tlhoka sekgopi le e seng go tshwenngwa ke segakolodi sa molato wa go tsholola madi ka bomo le go itseela ka wesi, morena wa me. Mme e re Morena a sena go go direla sentle, o gakologelwe lelata la gago.” Ke fa Dafita a raya Abikaile a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele, yo o go romileng kajeno go nkgatlhantsha. A go bakwe temogo ya gago, a go bakwe wena ka wesi yo o nthibetseng kajeno gore ke se wele mo molatong wa go tsholola madi le e seng go itseela ka nosi. Mme ruri, ka bophelo jwa Morena, Modimo wa Iseraele, yo o nthibetseng go go direla bosula: Fa o ka bo o sa itlhaganela, wa tla go nkgatlhantsha, go ne go se kitla go salela Nabale ope yo motonanyana go ya leseding la moso.” Jaanong Dafita a amogela tse o di mo tliseditseng, a mo raya a re: “Boela kwa ntlong ya gago ka kagiso. Bona, ke utlwile lentswe la gago, ka go tshola sentle.” Ya re Abikaile a fitlha kwa go Nabale a fitlhela a na le moletlo mo ntlong ya gagwe o e keteng ke moletlo wa kgosi. Nabale o ne a itumetse a tagilwe gagolo thata. Mme Abikaile a se ka a mmolelela sepe, le fa e le se sebotlana gongwe se segolo go ya bo be bo se. Ya re mo mosong weine e sena go tlhaphoga mo go Nabale, mosadi wa gagwe a mmolelela tse di dirafetseng. Ke fa pelo ya gagwe e swa mo teng ga gagwe, a fetoga lefika. Ya re malatsi a a ka nnang some a sena go feta, Morena a betsa Nabale, a ba a swa. Ya re Dafita a utlwa gore Nabale o sule, a re: “A go bakwe Morena yo o sekileng kgang ya kgobo e Nabale a e nkgobileng, a thibela motlhanka wa gagwe gore a se dire bosula, mme Morena a busetsa bosula jwa ga Nabale mo tlhogong ya gagwe.” Dafita a ba a roma, a bua le Abikaile gore a mo tsee go nna mosadi wa gagwe. Ya re batlhanka ba ga Dafita ba fitlha kwa go Abikaile kwa Karemele, ba bua nae ba re: “Dafita o re romile kwa go wena, gore a go tsee go nna mosadi wa gagwe.” Abikaile a nanoga, a ba a inamela fa fatshe ka sefatlhego a re: “Ke nna lelata la gago go nna modiredi wa go tlhapisa dinao tsa batlhanka ba morena wa me.” Jaanong Abikaile a akofa a nanoga, a palama esele a na le basetsana ba gagwe ba le batlhano ba ba tsamayang nae, a latela barongwi ba ga Dafita, a ya go nna mosadi wa gagwe. Dafita o ne a ntse a nyetse Ahinoame kwa Iserele (mo Juta), ba nna basadi ba gagwe ka bobedi jwa bone. Fa e le Migale morwadia Saule, mosadi wa ga Dafita, Saule o ne a mo neetse Phaleti morwa Laiše yo e leng wa kwa Galeme. Basife ba tla kwa go Saule kwa Gibea ba re: “Kana Dafita o ntse a iphitlha mo thabaneng ya Hagila ntlheng ya botlhabatsatsi ya naga e e senya.” Ke fa Saule a nanoga a fologela kwa sekakeng sa Sife, a na le banna ba le 300 ba ba tlhophilweng ba lseraele go batla Dafita kwa sekakeng sa Sife. Saule a thibelela mo thabaneng ya Hagila e e fa tseleng mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya naga e e senya, mme Dafita a ntse a le mo sekakeng. Ya re Dafita a utlwa go twe Saule o tlile go mo tsoma kwa sekakeng, a roma batlhodi, mme a utlwa ka bone, fa Saule a tlile ka nnete. Ke fa Dafita a nanoga, a fitlha kwa felong fa Saule a thibeletseng teng. Saule a bo a robetse fa gare ga magololo a dikoloi, banna ba mo dikanyeditse. Mme Dafita a bona felo fa Saule a robetseng teng le Abenere morwa Nere, molaodi wa mephato ya gagwe. Jaanong Dafita a botsa Ahimelege wa Mohethe le Abisai morwa Seruya morwa-rraagwe Joabe a re: “Ke mang yo o tla fologelang le nna kwa go Saule kwa bothibelelong?” Abisai a re: “Ke tla fologa nao.” Jaanong ya re Dafita le Abisai ba fitlha kwa banneng bothibelelong bosigo, ba fitlhela Saule a robetse a thulametse fa gare ga dikoloi; lerumo la gagwe le tsepame fa fatshe fa tlhogong ya gagwe; Abenere le banna ba robetse ba mo dikanyeditse. Ke fa Abisai a raya Dafita a re: “Modimo o neetse mmaba wa gago mo diatleng tsa gago kajeno. Nte ke mo tlhabakelele fa fatshe ka lerumo la gagwe gangwe fela; ga go kitla go batlega la bobedi.” Dafita a raya Abisai a re: “O se ka wa mmolaya! Gonne ga go ope yo o ka ntshetsang motlodiwa wa Morena letsogo, mme a se ka a bona petso.” Dafita a ba a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ruri, Morena O tla mo itaya gongwe go tla tla letsatsi la gagwe la go swa gongwe o tla bolawa mo ntweng. A Morena a nthibele go ka ntshetsa motlodiwa wa Morena letsogo. Jaanong he, tsaya lerumo le le fa tlhogong ya gagwe le modutwana wa metsi, re tsamae.” Jaanong Dafita a tsaya lerumo le modutwana wa metsi fa tlhogong ya ga Saule, ba tsamaya go se na ope yo o ba bonang gongwe yo o lemogang sepe gongwe yo o thanyang; gonne ba ne ba robetse botlhe, ba thulameditswe ke Morena. Dafita a ba a tshelela kwa moseja ga molapo, a ema mo setlhoeng sa thaba kwa kgakala go le sebaka se segolo fa gare ga bone. Jaanong Dafita a tlhaeletsa banna le Abenere morwa Nere a re: “A ga o arabe, Abenere?” Abenere a araba a re: “O mang wena yo o tlhaeletsang kgosi?” Mme Dafita a fetola Abenere a re: “A ga o monna? Ke mang yo o tshwanang nao mo Iseraeleng? Jaanong ke ka ntlha ya eng, fa o sa disa morena wa gago, kgosi? Gonne mongwe wa banna o fitlhile koo, a re o bolaya kgosi morena wa gago. Se o se dirileng ga se a siama. Ka bophelo jwa Morena! Lo tshwanetswe ke loso, gonne ga lo a disa morena wa lona, motlodiwa wa Morena. Jaanong he, tlhola gore lerumo la kgosi le kae? Modutwana wa metsi o o neng o le fa tlhogong ya yona o kae?” Ke fa Saule a lemoga lentswe la ga Dafita a re: “A ke lone lentswe la gago, morwaaka Dafita?” Dafita a araba a re: “Ke lone, kgosi, morena wa me.” A ba a re: “Ke ka ntlha ya eng fa morena wa me a latelela motlhanka wa gagwe? Naare ke dirile eng? Go na le bosula bofe mo seatleng sa me? Jaanong he, a kgosi morena wa me e ke e reetse mafoko a motlhanka wa yona: Fa Morena a go tlhotlheletsa gore o lwe le nna, a a utlwisiwe monko wa tshupelo! Mme fa e le batho, a ba hutsege fa pele ga Morena! Gonne ba nteleka kajeno, ba ntlhokisa legae mo nageng ya Morena ba re: ‘Yaa o direle medimo e sele.’ Mme jaanong, a madi a me a se ka a tshologela fa fatshe ke le kgakala le sefatlhego sa Morena! Gonne kgosi ya Iseraele e bolotse go batla letsetse le le lengwe fela, jaaka go tsongwa lesogo kwa majweng.” Saule a re: “Ke leofile. Boa, morwaaka Dafita! Gonne ga nkitla ke tlhola ke go direla bosula, ka gonne bophelo jwa me bo ne bo tlotlega thata kajeno mo matlhong a gago. Ka nnete, ke dirile bosilo, ka fosa gagolo thata” Mme Dafita a fetola a re: “Bona, lerumo la kgosi ke le. A mongwe wa makau a tshelele kwano, a tle go le tsaya. Mme Morena o tla duela mongwe le mongwe ka fa tshiamong ya gagwe le boikanyegong jwa gagwe; gonne Morena o ne a go neetse mo diatleng tsa me kajeno, mme ka bo ke sa rate go ntshetsa motlodiwa wa Morena letsogo. Bona, bophelo jwa gago bo ne bo kaiwa segolo kajeno mo matlhong a me, a bophelo jwa me bo kaiwe segolo jalo mo matlhong a Morena, a mpholose mo tlalelong yotlhe.” Jaanong Saule a raya Dafita a re: “O tshegofaditswe, morwaaka Dafita. Ruri, o tla dirafatsa, o tswelela pele.” Jaanong Dafita a wela tseleng ya gagwe, Saule le ene a boela kwa felong ga gagwe. Dafita o ne a akanya gore: “E tla re ka letsatsi le lengwe ke bolawe ke letsogo la ga Saule. Ga go ka tsela e nngwe fa e se go falolela kwa lefatsheng la Bafelesita gore Saule a ntlhoboge, a se tlhole a mpatla mo nageng yotlhe ya lseraele. Ke tla tšhomoga jalo mo diatleng tsa gagwe.” Ke fa Dafita, ene le banna ba le 600 ba ba nang nae, a ya kwa go Agiše, morwa Maoge, kgosi ya kwa Gathe. Dafita a nna jalo le Agiše kwa Gathe, ene le banna ba gagwe; mongwe le mongwe a na le ba lapa la gagwe. Dafita a na le basadi ba babedi ba gagwe, Ahinoame wa kwa Iserele le Abikaile mosadi wa ga Nabale wa kwa Karemele. Ya re Saule a sena go bolelelwa gore Dafita o tshabetse kwa Gathe, a se ka a tlhola a mmatla. Letsatsi le lengwe Dafita a raya Agiše a re: “Fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a nke ke newe manno mo motseng mongwe wa metse e e kwa nageng gore ke nne teng. E ka nna ka ntlha ya eng, fa motlhanka wa gago a nna nao mo motseng wa kgosing?” Ke fa Agiše a mo naya motse wa Sitlage ka letsatsi leo. Ke ka moo Sitlage e leng wa dikgosi tsa Juta go fitlha letsatsing leno. Palo ya malatsi a Dafita o neng a nna mo nageng ya Bafelesita ka ona e ne e le ngwaga le dikgwedi di le nne. Dafita le banna ba gagwe ba nna ba bolola ba tlhasela Bakesure le Bakiresi le Baamaleke. Gonne ke bone baagi ba lefatshe leo le le simologang kwa Telame le ya go fitlha kwa Sure le kwa lefatsheng la Egepeto. Mme e ne ya re fa Dafita a itaya lefatshe leo, a se ke a rekegele monna ope gongwe mosadi, a ba amoge dinku le dikgomo le diesele le dikammele le diaparo, a be a boe a fitlhe kwa go Agiše. Jaanong fa Agiše a botsa a re: “Lo tswa go tlhasela kae gompieno?” Dafita a arabe a re: “Kwa nageng ya borwa ya Juta le kwa nageng ya borwa ya Bajeramele le kwa nageng ya borwa ya Bakeni.” Dafita o ne a sa lese monna gongwe mosadi go phela le e seng go isiwa kwa Gathe, gonne a re: “Ba ka tla ba supa ka ga rona ba re: ‘Dafita o dirile jaana le jaana.’ ” E ne e le ona mokgwa wa gagwe ka malatsi otlhe a o neng a nna mo nageng ya Bafelesita ka ona. Agiše a ikanya Dafita a re: “Ruri, o nkgela morafe wa ga gabo, e bong Baiseraele. O tla nna motlhanka wa me ka metlha.” E rile ka malatsi ao Bafelesita ba phutha mephato ya bone go ya ntweng go tlhabana le Baiseraele, Agiše a raya Dafita a re: “Itse sentle gore o tshwanetse go bolola le nna mo mophatong, wena le banna ba gago.” Dafita a fetola Agiše a re: “Go siame! Jaanong o tla bona se motlhanka wa gago a kgonang go se dira.” Agiše a raya Dafita a re: “Ka moo ke go dira mofemedi wa tlhogo ya me ka metlha yotlhe.” Kana Samuele o ne a sule, Baiseraele botlhe ba ne ba mo leletse, ba mo fitlhile kwa Rama mo motseng wa ga gabo. E bile Saule o ne a tlositse ba ba buisang badimo le baitseanape mo lefatsheng. Jaanong ya re Bafelesita ba phuthega, ba fitlha, ba thibelela kwa Suneme, le Saule a phutha Baiseraele botlhe, ba thibelela kwa Gileboa. Ya re Saule a bona mephato ya Bafelesita, a boifa; pelo ya gagwe ya roroma thata. Saule a botsa Morena, mme Morena a se ka a mo araba, e seng ka ditoro le e seng ka Lesedi le e seng ka baporofeti. Ke fa Saule a raya batlhanka ba gagwe a re: “Mpatleleng mosadi yo o itseng go buisa baswi gore ke ye kwa go ene, ke mmotse.” Batlhanka ba gagwe ba mo araba ba re: “Mosadi yo o buisang baswi o teng kwa Entore.” Jaanong Saule a iphetola ka go apara diaparo di sele, a ya a na le banna ba le babedi, ba fitlha kwa mosading yole bosigo, mme Saule a re: “A ko o mpolelele tsa boitseanape ka thuso ya mowa wa moswi, o ntlisetse yo ke tla mo go bolelelang.” Mme mosadi yoo a mo fetola a re: “Kana o itse se Saule o se dirileng, fa a fedisa ba ba buisang badimo le baitseanape mo lefatsheng. Ke ka ntlha ya eng, fa o tsile go ntalela gore ke tle ke bolawe.” Ke fa Saule a mo ikanela ka Morena a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ga o kitla o welwa ke molato ope ka tiro e.” Jaanong mosadi a botsa a re: “Ke go tlisetse mang?” A re: “Ntlisetse Samuele.” Ya re mosadi a bona Samuele, a goa ka lentswe le legolo, a ba a raya Saule a re: “O ntsieleditseng? Kana o Saule.” Kgosi ya mo raya ya re: “Se boife! Mme o bona eng?” Mosadi a araba Saule a re: “Ke bona mowa wa moswi o tswa mo lefatsheng.” Saule a mmotsa a re: “Sebopego sa ona ke se se ntseng jang?” Mosadi a re: “Monna mogolo o tlhatloga, a apere kobo.” Ke fa Saule a lemoga gore ke Samuele; a ba a inamela fa fatshe ka sefatlhego a ikoba. Mme Samuele a raya Saule a re: “O ntshwenyetsang ka go mpitsa?” Saule a re: “Ke tlaletswe thata. Bafelesita ba tlhabana le nna, mme Modimo o ntlogetse; ga o tlhole o nkaraba le e seng ka baporofeti le e seng ka ditoro. Ke ka moo ke go biditseng gore o nkitsise se ke tshwanetseng go se dira.” Samuele a ba a re: “O mpoletsang, etswe Morena o go tlogetse, a tswa mmaba wa gago? Morena O dirile jaaka a buile ka nna. O phamotse bogosi mo diatleng tsa gago, a bo neela yo mongwe, e bong Dafita. Ka gore ga o a ka wa utlwa lentswe la Morena, ga o a ka wa dirafatsa bogale jo bo tukang jwa gagwe mo go Baamaleke; ke ka moo Morena O GO diretseng tsona tse gompieno. Le gona Morena o tla go neela le Baiseraele mo diatleng tsa Bafelesita. Gape wena le bomorwao lo tla bo lo na le nna kamoso. Le mephato ya Baiseraele Morena o tla e neela mo diatleng tsa Bafelesita.” Ya ba gona Saule a welang fa fatshe ka letshogo, a namalala ka boleele jotlhe jwa gagwe, a boifa thata ka ntlha ya mafoko a ga Samuele. Le gona o ne a setse a feletswe ke thata, gonne o ne a ise a je sepe motshegare otlhe le bosigo jotlhe. Jaanong mosadi yole a tla kwa go Saule, mme ya re a mmona a tshogile thata, a mo raya a re: “Kana lelata la gago le dirile se o se le boleletseng, ka se ka ka rekegela botshelo jwa me, ka utlwa mafoko a gago a o a buileng le nna. Jaanong he, le wena a ko o utlwe lentswe la lelata la gago. Ke tla baya thathana ya bogobe fa pele ga gago, e je gore o nne le thata, fa o tsamaya mo tseleng.” Mme a gana a re: “Ga ke rate go ja.” Fela ya re batlhanka ba gagwe le ene mosadi ba mo emelela, a ba utlwa, a namologa fa fatshe, a nna mo bolaong. Jaanong mosadi a bo a na le namane e e nonneng mo lapeng; a akofa a e tlhaba, a ba a tsaya bupe a bo duba, a besa dinkgwe tse di sa bedisiwang. A ba a di tlisa, a di baya fa pele ga Saule le fa pele ga batlhanka ba gagwe. Ya re ba sena go ja ba nanoga, ba tsamaya bosigo joo. Bafelesita ba ne ba phuthela mephato yotlhe ya bone kwa Afeke; Baiseraele bone ba bo ba thibeletse fa motsweding o o kwa Iserele. Jaanong ya re balaodi ba mephato ya Bafelesita ba feta ka makgolo le dikete, Dafita le banna ba gagwe le bone ba feta kwa morago, ba na le Agiše, dikgosana tsa Bafelesita tsa re: “Bahebere ba, ba batlang fa?” Agiše a araba dikgosana tsa Bafelesita a re: “A ga se ene Dafita, motlhanka wa ga Saule, kgosi ya Iseraele, yo o sa bolong go nna le nna, e setse e le malatsi a mantsi gongwe dinyaga, mme ke ise ke bone molato mo go ene go tloga letsatsing le o ineetseng mo go nna ka lone go fitlha letsatsing leno.” Mme dikgosana tsa Bafelesita tsa mo gakalela, tsa mo raya tsa re: “Busa monna yo! A a boele kwa felong ga gagwe fa o mmeileng teng, mme a se ka a fologela le rona kwa tlhabanong, e se re gongwe a re fetogela mmaba mo tlhabanong. Kana monna yo, o ka kgatlha morena wa gagwe ka eng? A ga se ka ditlhogo tsa banna ba? A ga se ene Dafita yo ba mo opetseng dipina ba re: ‘Saule o bolaile dikete, mme Dafita o bolaile kete tse some.’ ” Ke fa Agiše a bitsa Dafita, a mo raya a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ruri, o tlhamaletse, le go bolola ga gago le go tsena ga gago le nna mo mophatong go siame mo matlhong a me. Gonne ga ka bona bosula bope mo go wena go tloga letsatsing le o tlileng go nna ka lone go fitlha letsatsing leno, mme ga o a siama mo matlhong a dikgosana. Jaanong he, boa o tsamae ka kagiso gore o se ka wa kgopisa dikgosana tsa Bafelesita.” Dafita a fetola Agiše a re: “Kana ke dirileng? O bonye eng mo motlhankeng wa gago go tloga letsatsing le ke simolotseng go go direla ka lone go fitlha letsatsing leno, mo ke sa tshwanelang go ya le go tlhabana le baba ba kgosi, morena wa me?” Agiše a araba a raya Dafita a re: “Ke a itse, gonne o siame mo matlhong a me jaaka moengele wa Modimo. Fela dikgosana tsa Bafelesita tsa re: ‘A a se ka a bolola le rona mo tlhabanong!’ Jaanong phakela ka moso, wena le batlhanka ba morena wa gago ba ba tlileng nao, lo phakeleng ka moso, lo tsamae fa boo sa.” Dafita a phakela jalo, ene le banna ba gagwe gore a tsamae mo mosong, a boele kwa lefatsheng la Bafelesita. Bafelesita bone ba bolola go ya kwa Iserele. E rile Dafita le banna ba gagwe ba fitlha kwa Sitlage ka letsatsi la boraro, Baamaleke ba bo ba thukhuthile naga ya borwa le Sitlage, ba sentse motse wa Sitlage, ba o fisitse ka molelo. Ba bo ba gapile basadi le botlhe ba ba neng ba le mo go ona, ba bannye le ba bagolo; ba ne ba sa bolaya ope, mme ba ne ba ba thopile, ba ile ka bone. Jaanong ya re Dafita le banna ba gagwe ba goroga kwa motseng, ba fitlhela o fisitswe ka molelo, le basadi ba bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ba isitswe mo botshwarong. Ke fa Dafita le banna ba ba nang nae ba tlhatlosa mantswe ba lela go fitlhelela ba felelwa ke thata ya go ka lela. Le basadi ba babedi ba ga Dafita, Ahinoame wa kwa Iserele le Abikaile, mosadi wa ga Nabale wa kwa Karemele ba bo ba thopilwe. Dafita ene o ne a tlaletswe thata, gonne banna ba ne ba re ba mo kgobotletsa ka majwe; gonne banna botlhe ba ne ba sudile dipelo, mongwe le mongwe ka ntlha ya bomorwawe le ka ntlha ya bomorwadie, mme Dafita a itiisa ka Morena, Modimo wa gagwe. Dafita a raya moperesiti Abjathare morwa Ahimelege a re: “A ko o ntlisetse khiba ya boperesiti.” Abjathare a isa khiba ya boperesiti kwa go ene. Ke fa Dafita a botsa Morena a re: “A ke ke latelele lekoko leo la dinokwane, a ke tla le tshwara?” A mo araba a re: “Le latelele, gonne ruri o tla le tshwara; ruri o tla pholosa ba ga eno.” Jaanong Dafita a bolola, ene le banna ba le 600 ba ba nang nae; ya re ba fitlha kwa nokaneng ya Besore, bangwe ba sala teng. Dafita a le latelela, ene le banna ba le 400. Banna ba ba 200 ba ba neng ba feletswe ke thata, mo ba palelwang ke go tshela nokana ya Besore, ba tlogelwa foo. Kwa nageng ba fitlhela monna wa Moegepeto, ba mo isa kwa go Dafita, ba mo naya bogobe a ja; ba be ba mo siela metsi. E bile ba mo naya senkgwe sa difeie le dinkgwe di le pedi tsa maswabi a moweine. Ya re a sena go ja a itharabologelwa. Gonne o ne a sa ja dijo, a sa nwa metsi malatsi a le mararo le masigo a one. Jaanong Dafita a mmotsa a re: “O mokae? O tswa kae?” A re: “Ke lekau la Moegepeto, ke motlhanka wa monna wa Moamaleke, mme morena wa me o ntlogetse ka ke lwala, kajeno e setse e le letsatsi la boraro. Re tswa go thukhutha naga ya borwa ya Bakerethi le ya Juta le naga ya borwa ya ga Kalebe, ra fisa Sitlage ka molelo.” Dafita a ba a mmotsa a re: “A o tla nkisa kwa lesomong leo la dinokwane?” A re: “Inkanele ka Modimo gore ga o kitla o mpolaya le gore ga o kitla o nneela mo diatleng tsa morena wa me! Gona ke tla go isa kwa lesomong leo.” Jaanong a mo isa teng, ba fitlhela ba aname mo lefatsheng lotlhe, ba ja, ba nwa, ba dirile moletlo ka ntlha ya thopo e kgolo yotlhe e ba e thopileng kwa lefatsheng la Bafelesita le kwa lefatsheng la Juta. Jaanong Dafita a ba bolaya go simolola ka lotlatlana go ya mantsiboeng a kamoso, ga se ka ga falola ope wa bone, fa e se makau a le 400 a a neng a palama dikammele a tshaba. Dafita a busa gape tsotlhe tse Baamaleke ba neng ba di thopile; le basadi ba babedi ba gagwe a ba golola. Ga se ka ga tlhokafala sepe, le fa e le tse dipotlana gongwe tse dikgolo le fa e le bomorwaa-bone gongwe bomorwadia-bone le fa e le tsa thopo gongwe sengwe sa dilo tsotlhe tse Baamaleke ba neng ba di ba amogile; Dafita a busa tsotlhe gape. Jaanong Dafita a tsaya dinku tsotlhe le dikgomo tsa Baamaleke; ba di kgweeletsa kwa pele ga diruiwa tsa bone ba re: “Ke yona thopo ya ga Dafita.” Ya re Dafita a fitlha kwa banneng ba ba 200 ba ba neng ba feletswe ke thata mo ba paletsweng ke go mo sala morago, ba a ba tlogetseng kwa nokaneng ya Besore, bone ba bolola go kgatlhantsha Dafita le banna ba ba nang nae. Dafita a atamela banna bao, a ba botsa matsogo. Ke fa banna botlhe ba ba bosula ba ba pelompe mo banneng, ba ba neng ba ile le Dafita, ba bua ba re: “E re ka ba se ka ba ya le rona, ga re kitla re ba naya sepe sa thopo e re e busitseng, fa e se mongwe le mongwe mosadi wa gagwe le bana ba gagwe. A ba ba tsee, ba tsamae!” Mme Dafita a fetola a re: “Lo se ka lwa dira jalo, ba ga etsho, ka dilo tse Morena o di re neileng! Kana o re bolokile, a neela lekoko la dinokwane le le neng le re thukhuthile mo diatleng tsa rona. Ke mang yo o ka lo utlwang mo go se? Nnyaya, kabelo ya yo o tswang kwa ntweng e tla lekana fela le kabelo ya yo o setseng le dithoto. Ba tla kgaogana thopo ka go tshwana.” Ga nna jalo go tloga ka letsatsi leo le kwa pele. Dafita a go beela Baiseraele molao le mokgwa go fitlha letsatsing leno. Ya re Dafita a sena go fitlha kwa Sitlage, a romela bagolo ba Juta le ditsala tsa gagwe dikabelo tsa thopo a re: “Bonang, mpho ya lona ke eo e e tswang mo thopong ya baba ba Morena.” A di romela ba Bethele le ba Ramothe wa kwa borwa le ba Jathire le ba Aroere le ba Sifemothe le ba Ešethemoa le ba Ragale le ba metse ya Bajeramele le ba metse ya Bakeni le ba Horema le ba Borašane le ba Athage le ba Heberone le ba mafelo otlhe kwa Dafita o neng a ntse a tsamaya teng le banna ba gagwe. Jaanong e rile Bafelesita ba tlhabana le Baiseraele, banna ba Iseraele ba lelekwa ke Bafelesita, mme ba wa ba bolailwe kwa dithabeng tsa Gileboa. Jaanong Bafelesita ba khutšhela Saule le bomorwawe, ba bolaya Jonathane le Abinatabe le Malekhišua bomorwa Saule. Ya re tlhabano e le bogale mo tikologong ya ga Saule, mme banna ba ba hulang ka mara ba mo lemoga, a tlhabakwa thata ke bahudi. Ke fa Saule a raya motshola-dibolai wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yona, e se re gongwe ga tla ba ba sa rupang bale ba mphololetsa, ba ntshotla.” Mme motshola-dibolai wa gagwe a gana, ka a boifa thata. Foo Saule a tsaya tšhaka, a itigela mo go yona. Ya re motshola-dibolai wa gagwe a bona Saule a sule, le ene a itigela mo tšhakeng ya gagwe, a swa nae. Saule le bomorwawe ba bararo le motshola-dibolai wa gagwe le banna botlhe ba gagwe ba ne ba swa jalo mmogo ka letsatsi leo. Jaanong ya re banna ba Iseraele ba ba neng ba le kwa ntlheng ele ya leboa le ka kwano ga Joretane ba bona banna ba Iseraele ba tshabile, le Saule a sule le bomorwawe, ba tlogela metse ya bone, ba tshaba; ga tla Bafelesita ba nna mo go yona. Ya re kamoso Bafelesita ba tla go thukhutha ba ba bolailweng dilo, ba fitlhela Saule le bomorwawe ba bararo ba namaletse mo dithabeng tsa Gileboa, ba mo kgaola tlhogo, ba mo apola dibolai, ba di romela kwa lefatsheng la Bafelesita ntlheng tsotlhe e le go utlwatsa phenyo mo tempeleng ya medimo ya bone le mo morafeng. Dibolai tsa gagwe ba di baya mo tempeleng ya boAšethorethe; setoto sa gagwe ba se kokotela mo loboteng lwa Betšheane. Ya re baagi ba Jabese kwa Gileate ba utlwela tse Bafelesita ba di diretseng Saule, banna botlhe ba ba pelokgale ba nanoga, ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe, ba tsaya setoto sa ga Saule le ditoto tsa bomorwawe kwa loboteng lwa Betšheane, ba di isa kwa Jabese, ba feta ba di fisa teng; marapo one ba a fitlha fa tlase ga setlhare sa motamariseka kwa Jabese, ba itima dijo malatsi a supa. E rile morago ga loso lwa ga Saule, Dafita a sena go fenya Baamaleke le go boa, a tlhola malatsi a le mabedi kwa Sitlage, ga tla monna ka letsatsi la boraro, a tswa kwa go Saule kwa bothibelelong, a ikgagotse diaparo, a itshetse mmu mo tlhogong. Ya re a fitlha kwa go Dafita, a wela fa fatshe, a ikoba. Mme Dafita a mmotsa a re: “O tswa kae?” A mo araba a re: “Ke falotse kwa bothibelelong jwa ga Saule.” Dafita a ba a mmotsa a re: “Go rileng? A ko o mpolelele.” A bolela a re: “Banna ba tshabile mo ntweng; le gona go ole ba bantsi ba morafe, ba swa; go bile go sule Saule le Jonathane morwawe.” Ke fa Dafita a botsa lekau le le mmoleletseng jalo a re: “O itse jang fa Saule le Jonathane morwawe ba sule?” Lekau le le mmegetseng mafoko la araba la re: “E rile ke feta kwa thabeng ya Gileboa, ka wela Saule a ikaegile ka lerumo la gagwe, ka bona ba dikoloi le bapalami ba dipitse ba mo leleka. A gadima, a mpona a mpitsa; ka re: ‘Ke fano.’ A mpotsa a re: ‘O mang?’ Ka mo araba ka re: ‘Ke Moamaleke.’ A nthaya a re: ‘A ko o eme fa go nna, o mpolae; gonne ke tshwerwe ke sedidi, mme bophelo bo sa le mo go nna jotlhe.’ Ka ema fa go ene, ka mmolaya; gonne ke ne ke itse gore, ga a kitla a phela a sena go wa. Ka tsaya serwalo sa bogosi se se neng se le mo tlhogong ya gagwe le mohitshane mo letsogong la gagwe, ka di tlisa kwano go morena wa me.” Ke fa Dafita a itshwara diaparo, a di gagola; le banna botlhe ba ba nang nae ba dira jalo. Ba hutsafala ba lela, ba itima dijo go ya mantsiboeng ka ntlha ya ga Saule le ka ntlha ya ga Jonathane morwawe le ka ntlha ya morafe wa Morena, e bong Baiseraele, ka ba ole ka tšhaka. Jaanong Dafita a botsa lekau le le mo itsisitseng jalo a re: “O mokae?” La araba la re: “Ke morwa monna yo o falaletseng kwa Boamaleke.” Dafita a ba a le botsa a re: “Ke go reng, fa o se ka wa boifa go ntsha letsogo go bolaya motlodiwa wa Morena?” Dafita a ba a bitsa lengwe la makau a re: “Atamela o mo wele.” La mo itaya, a ba a swa. Ya re a ise a swe Dafita a mo raya a re: “O swela molato wa gago. Gonne o ipoletse wa re ke wena o bolaileng motlodiwa wa Morena.” Ke fa Dafita a tlhaba sefela sa selelo ka ga Saule le Jonathane morwawe; – a Bajuta ba se rutwe! Kana se kwadilwe mo lokwalong lwa motlhamaladi! – a re: “Iseraele, mokgabo wa gago o bolaetswe kwa dithoteng tsa gago. Kana bagale ba ole jang! Lo se ka lwa itsise kwa Gathe le e seng go bolela mo mebileng ya Ašekalone, e se re gongwe bomorwadia Bafelesita ba itumela, bomorwadia ba ba sa rupang ba duduetsa. Lona dithaba tsa Gileboa, a go se we monyo le e seng go na pula mo go lona; a go se nne masimo a a ntshang makgetho. Gonne teng koo go sotlegile dithebe tsa bagale le thebe ya ga Saule, e kete ga se ya yo o tloditsweng ka lookwane. Bora jwa ga Jonathane bo ne bo se ke bo sutela kwa morago le tšhaka ya ga Saule e ne e se ke e boa, di sa tlala madi a ba ba bolailweng le mafura a bagale. Saule le Jonathane, baratwi le bakgatlhi! Mo bophelong jwa bone le mo losong lwa bone ga ba a ka ba kgaogana. Ba ne ba le lobelo bogolo go bontswi, ba le thata bogolo go ditau. Lona bomorwadia Iseraele, lelelang Saule yo o neng a lo apesa ka masela a mahibidu le mekgabo e mentle; a kgabisa diaparo tsa lona ka mokgabo wa gouta. Kana bagale ba ole jang mo tlhabanong! Jonathane o namaletse mo dithoteng tsa gago a bolailwe. Jonathane, morwa-rra, ke mo khutsafalong ka ntlha ya gago. Ke ne ke go rata thata, lorato lwa gago lo nkgakgamatsa go gaisa lorato lwa basadi. Kana bagale ba ole jang! Dibolai tsa ntwa tsa latlhega.” Morago ga moo Dafita a botsa Morena a re: “A ke ke ye kwa go mongwe wa metse ya Juta?” Morena a mo araba a re: “Yaa!” Dafita a botsa gape a re: “Ke ye kwa kae?” A araba a re: “Kwa Heberone.” Dafita a ya teng mmogo le basadi ba babedi ba gagwe Ahinoame wa kwa Iserele le Abikaile, mosadi wa ga Nabale wa kwa Karemele. Le banna ba gagwe ba ba nang nae Dafita a ba isa teng, mongwe le mongwe le ba lapa la gagwe, ba aga mo metseng ya Heberone. Ke fa banna ba Juta ba tla ba tlotsa Dafita teng go nna kgosi ya lotso lwa Juta. Jaanong ya re Dafita a begelwa go twe, banna ba Jabese kwa Gileate ba fitlhile Saule, Dafita a roma barongwi kwa banneng ba Jabese kwa Gileate, a ba raya a re: “A Morena a lo tshegofatse, ka lo diretse Saule morena wa lona ka lorato loo, lwa mo fitlha. Jaanong he, a Morena a lo direle ka lorato le boikanyo, mme le nna ke tla lo direla tse di molemo tseo, ka lo dirile tiro eo. Mme jaanong tsenyang marapo dinameng, lo nne banna ba ba pelokgale; gonne Saule morena wa lona o sule. Le gona Bajuta ba ntloditse go nna kgosi ya bone.” Mme Abenere morwa Nere, molaodi wa mephato ya ga Saule, a tsaya Isebosethe morwa Saule, a mo isa kwa moseja ga Joretane kwa Mahanaime, a mo dira kgosi ya Gileate le ya Baašure le ya Iserele le ya Eferaime le ya Benyamene le ya Iseraele yotlhe. E rile Isebosethe morwa Saule a simolola go busa Iseraele, a bo a le dinyaga di le 40, a busa dinyaga di le pedi. E ne e le ba lotso lwa Juta fela ba ba gogang le Dafita. Mme palo ya malatsi a Dafita e neng e le kgosi ya lotso lwa Juta kwa Heberone ka ona ke dinyaga di supa le dikgwedi tse thataro. Abenere morwa Nere o kile a bolola kwa Mahanaime, a na le batlhanka ba ga Isebosethe morwa Saule, a tla kwa Gibeone. Le Joabe morwa Seruya le batlhanka ba ga Dafita ba bolola, ba kgatlhana le bale fa letsheng la Gibeone; bangwe ba thibelela ka kwano ga letsha, ba bangwe kwa moseja ga letsha. Ke fa Abenere a raya Joabe a re: “A makau a ke a nanoge, a tshameke fa pele ga rona!” Joabe a re: “A a nanoge.” A nanoga a feta a badilwe, a a 12 e le a Benyamene a ga Isebosethe, morwa Saule, a a 12 e le a batlhanka ba ga Dafita. Ke fa ba tshwarana ka ditlhogo, mongwe le mongwe a tlhaba mongwe-ka-ene ka tšhaka mo lotlhakoreng, mme ba wa mmogo. Felo foo ga bidiwa tshimo ya magale a ditšhaka e e kwa Gibeone. Tlhabano ya nna e e thatathata ka letsatsi leo, mme Abenere le banna ba Iseraele ba fenngwa ke batlhanka ba ga Dafita. Teng koo go ne go le bomorwa Seruya ba bararo: Joabe le Abisai le Asahele. Mme Asahele o ne a le lobelo jaaka tshephe mo nageng. Ene Asahele a tlhomere Abenere, a se ka a fapogela ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema, a ntse a setse Abenere morago. Ke fa Abenere a retologa a re: “A ke wena Asahele?” A re: “Ke nna.” Abenere a mo raya a re: “Fapogela mo ntlheng ya le le jang gongwe mo ntlheng ya la molema, o tshware mongwe wa makau, o itseele dibolai tsa gagwe.” Mme Asahele a gana go fapoga le go mo tlogela. Abenere a ba a bua gape le Asahele a re: “Fapoga tlhe o ntlogele! O batlelang gore ke go remele fa fatshe? Ke ne ke tla leba jang Joabe morwa-rraago?” Mme ya re a gana go fapoga, Abenere a mo tlhaba ka mhinyana wa lerumo mo mpeng, lerumo la ba la tswa ka kwa motlhaneng. Asahele a wa foo, a swela felong foo. Mme botlhe ba ba neng ba feta teng, fa Asahele a oleng a swela gona, ba ema. Mme Joabe le Abisai ba latelela Abenere. Ya re letsatsi le sena go phirima, ba fitlha kwa thabaneng ya Ama e e lebaganyeng le Gia fa tseleng e e yang kwa sekakeng sa Gibeone. Ke fa Babenyamene ba phuthegela kwa go Abenere, ya nna setlhopha se le sengwe, ba ema mo setlhoeng sa thabana nngwe. Jaanong Abenere a tlhaeletsa Joabe a re: “A tšhaka e tla ja ka bosakhutleng? A ga o itse gore tse di galakang di tla nna teng morago? E tla nna goleele go le kae o sa re, banna ba boe, ba tlogele bomorwa-rraabo?” Joabe a araba a re: “Ka bophelo jwa Modimo! Fa o ka bo o se ka wa bua jalo, banna ba ka bo ba se ka ba khutla go khutšhela bomorwa-rraabo bo ise bo se.” Ke fa Joabe a letsa lonaka; banna botlhe ba ema, ba se ka ba tlhola ba latelela Baiseraele; le gona ba se ka ba tlhola ba tlhabana. Mme Abenere le banna ba gagwe ba tsamaya bosigo jotlhe joo, ba ralala Lebala la Joretane, ba tshela Joretane, ba ralala naga yotlhe ya Bitherone, ba fitlha kwa Mahanaime. Ya re Joabe a sena go khutla go latelela Abenere, a phutha banna botlhe; ga tlhokafala banna ba le 19 le Asahele mo batlhankeng ba ga Dafita. Mme batlhanka ba ga Dafita ba ne ba bolaile banna ba le 360 ba Babenyamene ba banna ba ga Abenere, e le bone ba ba suleng. Jaanong ba tsaya setoto sa ga Asahele, ba mo fitlha mo lebitleng la ga rraagwe le le neng le le kwa Betleheme. Joabe le banna ba gagwe ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe, ba fitlha kwa Heberone ka masa. Ntwa ya ba losika lwa ga Saule le ba losika lwa ga Dafita ya tsaya sebaka se seleele, mme Dafita a nna a tiela pele, ba losika lwa ga Saule ba nna ba ngotlega. Bomorwa Dafita ba ba tsaletsweng kwa Heberone ke ba: Yo mogolo ke Amenone wa ga Ahinoame wa kwa Iserele; wa bobedi ke Kileabe wa ga Abikaile mosadi wa ga Nabale wa kwa Karemele; wa boraro ke Abesalomo morwa Maaga, morwadia Thalemai kgosi ya Kesure; wa bone ke Atonia morwa Hagithe; wa botlhano ke Sefatya morwa Abitale; wa borataro ke Ithereame wa ga Egela mosadi wa ga Dafita. Ke bone bana ba ga Dafita ba ba tsaletsweng kwa Heberone. E rile go ntse go le ntwa fa gare ga losika lwa ga Saule le losika lwa ga Dafita, Abenere a emela losika lwa ga Saule ka tlhomamo. Saule o ne a na le mogadingwana yo leina la gagwe e neng e le Ritsepha morwadia Aya. Jaanong Abenere a mo tsaya, mme Isebosethe a raya Abenere a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o tsenye kwa go mogadingwana wa ga rre?” Ke fa Abenere a tuka bogale thata ka ntlha ya mafoko a ga Isebosethe a re: “A ke tlhogo ya ntšwa e e leng ya Bajuta? Ke ntse ke direla ba losika lwa ga Saule rraago le bomorwa rraagwe le balekane ba gagwe ka bopelotlhomogi; e bile ga ke a ka ka go neela mo seatleng sa ga Dafita, mme kajeno o mpaya molato ka ntlha ya mosadi! A Modimo o direle Abenere jaana, o mo okeletse jaana, fa ke sa direle Dafita jaaka Morena a mo ikanetse, ka go tlosa bogosi mo losikeng lwa ga Saule le ka go tlhomamisetsa Iseraele le Juta sedulo sa bogosi sa ga Dafita go tswa kwa Dane go ya go fitlha kwa Bereseba.” Ke fa a sa tlhole a nonofa go araba Abenere ka lefoko lepe, ka a mmoifa. Jaanong Abenere a roma barongwi mo boemong jwa gagwe kwa go Dafita a re: “Lefatshe ke la ga mang?” A ba a re: “A re dire kgolagano! Bona, seatla sa me se tla nna nao go sokololela Baiseraele botlhe kwa go wena.” Dafita a re: “Go siame, ke tla dira kgolagano nao. Fela selo se le sengwe ke se lopa mo go wena ka re: Ga o kitla o bona sefatlhego sa me o ise o tlise Migale morwadia Saule, mogang o tlang go bona sefatlhego sa me.” E bile Dafita a roma barongwi kwa go Isebosethe morwa Saule, a re: “Nnee Migale mosadi wa me yo ke mo nyetseng ka matlalo a bosarupeng a le lekgolo a Bafelesita.” Isebosethe a roma, a mo tsaya mo monneng wa gagwe mo go Phaletiele morwa Laiše. Monna wa gagwe a ya nae, a ntse a lela a mo setse morago go fitlha kwa Bahurime. Ke fa Abenere a mo raya a re: “Tsamaya, o boe.” Mme a boa. E bile lefoko la ga Abenere le ne le tlile kwa bagolong ba Iseraele a re: “Ga lo bolo go batla Dafita gore a nne kgosi ya lona. Jaanong he, go dirafatseng! Gonne Morena o buile ka ga Dafita a re: ‘Iseraele morafe wa me ke tla o namolela ka seatla sa ga Dafita motlhanka wa me mo diatleng tsa Bafelesita le mo diatleng tsa baba botlhe ba ona.’ ” Le gona Abenere o ne a bua mo ditsebeng tsa Babenyamene, a ba a ya go bua le mo ditsebeng tsa ga Dafita kwa Heberone, a mmolelela tsotlhe tse o di utlwanetseng le Baiseraele le lotso lotlhe lwa ga Benyamene. Ya re Abenere a tla kwa go Dafita kwa Heberone, a na le banna ba le 20, Dafita a direla Abenere le banna ba ba nang nae moletlo. Abenere a raya Dafita a re: “Ke tla nanoga, ke ya go phuthela Baiseraele botlhe kwa kgosing, morena wa me, gore ba dire kgolagano nao, mme o buse gotlhe ka fa pelo ya gago e eletsang ka teng.” Jaanong Dafita a naya Abenere tsela, mme a tsamaya ka kagiso. Ga bo go tla batlhanka ba ga Dafita ba na le Joabe, ba tswa go thopa, ba tla le thopo e kgolo; mme Abenere a bo a sa tlhole a na le Dafita kwa Heberone, ka a ne a setse a mo neile tsela, mme a tsamaile ka kagiso. Jaanong ya re Joabe a sena go goroga le mophato otlhe o o nang nae, a bolelelwa ga twe, Abenere morwa Nere o ne a tsile kwa kgosing, mme e mo neile tsela, a tsamaya ka kagiso. Ke fa Joabe a fitlha fa kgosing a re: “O dirileng? Kana Abenere o ne a tlile kwa go wena. Jaanong ke ka ntlha ya eng fa o mo neile tsela, a tsamaya fela? A ga o itse Abenere morwa Nere gore o ne a tlile fela go go tsietsa le go go tsaya dinopolo gore a itse tsotlhe tse o di dirang.” Jaanong ya re Joabe a sena go tlogela Dafita, a roma barongwi, ba latela Abenere, ba mmusa kwa sedibeng sa Sira, Dafita a sa itse. Ya re Abenere a sena go boela kwa Heberone, Joabe a mo faposetsa fa thoko ga kgoro, e kete o bua nae mo sephiring; foo a mo tlhaba mo mpeng, a ba a swa ka ntlha ya madi a ga Asahele morwa-rraagwe. Ya re Dafita a utlwa jalo morago, a re: “Ga ke na molato le e seng bogosi jwa me fa pele ga Morena ka bosakhutleng mo mading a ga Abenere morwa Nere. Mme a a wele mo tlhogong ya ga Joabe le mo go botlhe ba lelapa la ga rraagwe! A go se tlhokafale mo lapeng la ga Joabe yo o elang maladu le wa lepero le segole se se tsamayang ka thobane le yo o wang ka tšhaka le yo o tlhokang dijo.” Joabe le Abisai morwa-rraagwe ba ne ba bolaya Abenere jalo; ka gonne o ne a bolaile Asahele morwa-rraabo kwa Gibeone mo tlhabanong. Mme Dafita a raya Joabe le batho botlhe ba ba nang nae a re: “Ikgagoleng diaparo lo apare tsa bohutsana, lo etelele Abenere pele lo ete lo lela.” Kgosi Dafita a sala setsholo sa moswi morago. Jaanong ya re mo phitlhong ya ga Abenere kwa Heberone, kgosi ya tlhatlosa lentswe, ya lela fa lebitleng; le batho botlhe ba lela. Kgosi ya ba ya tlhaba sefela sa go lelela Abenere ya re: “Abenere o swelang fela jaaka moikepi? Mabogo a gago a ne a sa bofiwa, maoto a gago a ne a sa golegwa ka dikeetane. O ole ka go bolawa ke balotsana.” Ke fa batho botlhe ba mo lelela bogolo go pele. Jaanong ga tla batho botlhe kwa go Dafita ba re, a je dijo go sa ntse go le motshegare, mme Dafita a ikana a re: “A Modimo o ntirele jaana, o oketse jaana, fa nka leka bogobe le fa e le dijo dife, letsatsi le ise le phirime.” Ya re batho botlhe ba lemoga jalo, ga bo go siame mo matlhong a bone jaaka tsotlhe tse kgosi e neng e di dira di ne di siame mo matlhong a batho botlhe. Batho botlhe le Baiseraele botlhe ba ne ba lemoga ka letsatsi leo, fa e se kgosi e e laetseng gore Abenere morwa Nere a bolawe. Dafita a ba a raya batlhanka ba gagwe a re: “A ga lo itse gore kajeno go ole kgosana, monna yo mogolo mo go Iseraele? Mme nna ke bokoa kajeno le fa ke tloditswe go nna kgosi. Mme banna ba, bomorwa Seruya, ba mpalela ka bopeloethata. A Morena a busolose yo o dirang bosula ka fa bosuleng jwa gagwe.” E rile Isebosethe morwa Saule a utlwa gore Abenere o swetse kwa Heberone, a kgobega marapo, le Baiseraele botlhe ba tshoga. Jaanong Isebosethe morwa Saule o ne a na le banna ba le babedi, e le balaodi ba bathopi. Leina la yo mongwe e le Baana, leina la wa bobedi e le Regabe, e le bomorwa Rimone wa Mobenyamene wa kwa Beerothe; kana le Beerothe o kaiwa wa Babenyamene. Mme ba Beerothe ba ne ba tshabetse kwa Kithaime, ba nna teng ka bofaladi go fitlha letsatsing leno. Jonathane morwa Saule o ne a na le ngwana wa mosimane, a golafala maoto a le dinyaga di le tlhano, fa mafoko a tswa kwa Iserele ka ga loso lwa ga Saule le Jonathane. Ya re mmelegi wa gagwe a mmelega, a tshaba ka go potlaka, mosimane a wa a golafala jalo. Leina la gagwe e ne e le Mefibosethe. Jaanong bomorwa Rimone wa kwa Beerothe, e bong Regabe le Baana, ba ya ba fitlha kwa ntlong ya ga Isebosethe go le bolelo, mme ene a bo a robetse boroko jwa motshegare. Ba tsena kwa teng ga ntlo, ba re ba tsaya mabele, mme ba mo tlhaba mo mpeng. Jaanong Regabe le Baana morwa-rraagwe ba tshaba. Kana ba ne ba tsenye mo ntlong, ene a ntse a robetse mo bolaong mo ntlwaneng ya gagwe ya borobalo, ba mo tlhaba ba mmolaya, ba mo kgaola tlhogo, ba tsaya tlhogo ya gagwe, ba tsamaya bosigo jotlhe, ba ralala Lebala la Joretane, ba isa tlhogo ya ga Isebosethe kwa go Dafita kwa Heberone, ba feta ba raya kgosi ba re: “Tlhogo ya ga Isebosethe morwa Saule mmaba wa gago ke e yo o neng a rata go go bolaya. Mme Morena o neile kgosi mong wa rona dipusoloso kajeno mo go Saule le mo losikeng lwa gagwe.” Mme Dafita a fetola Regabe le Baana morwa-rraagwe bomorwa Rimone wa kwa Beerothe, a ba raya a re: “Ka bophelo jwa Morena yo o nkgolotseng mo tlalelong yotlhe! Ene yole yo o kileng a mpegela a re: ‘Itse gore Saule o sule!’ a ikaya mmegi wa mafoko a boitumelo, a lebeletse gore ke mo nee tuelo, ka mo tshwara, ka mmolaya kwa Sitlage. Bogolo jang, lona banna ba baikepi ba lo bolaileng monna yo o siameng mo ntlong ya gagwe a le mo bolaong jwa gagwe, ke na le go lo nyeletsa mo lefatsheng!” Mme Dafita a laela makau jalo; a ba bolaya, a ba kgaola diatla le maoto, a ba pega fa letsheng mo Heberone; a tsaya tlhogo ya ga Isebosethe, a e fitlha mo phupung ya ga Abenere gona mo Heberone. Jaanong ditso tsotlhe tsa Iseraele tsa tla kwa go Dafita kwa Heberone, tsa mo raya tsa re: “Re fano, kana re lesapo la gago le nama ya gago. E rile Saule e ntse e le kgosi ya rona, ya bo e le wena o bolotsang Baiseraele le go ba gorosa. E bile Morena o go laetse a re, wena o tla fudisa morafe wa me wa Iseraele; o tla nna moeteledipele wa Iseraele.” Jaanong bagolo botlhe ba Iseraele ba tla kwa kgosing kwa Heberone. Kgosi Dafita a dira kgolagano nabo kwa Heberone fa pele ga Morena. Ba feta ba tlotsa Dafita go nna kgosi ya Iseraele. Ya re Dafita a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 30; a busa dinyaga di le 40. A busa Juta dinyaga di supa le dikgwedi di le thataro a le kwa Heberone; a busa Iseraele yotlhe le Juta dinyaga di le 33 a le kwa Jerusalema. Mme ya re kgosi le banna ba yona ba fitlha kwa Jerusalema go tlhasela Bajebusi ba ba neng ba agile mo lefatsheng la teng, ba raya Dafita ba re: “Ga o kitla o tsena kwano, mme o tla lelekwa ke difofu le batlhotsi.” Ba raya gore Dafita ga a kitla a tsena teng. Mme Dafita a thopa motse o o femetsweng wa Sione; ke ona mošate wa ga Dafita. Ka letsatsi leo Dafita o ne a bua a re: “Mongwe le mongwe yo o tla fenyang Bajebusi le batlhotsi le difofu tse di tlhoilweng ke pelo ya ga Dafita, a fitlhile teng ka mosele wa metsi – o tla dirwa kgosana.” Ke yona tshimologo ya puo e e reng: “Sefofu le motlhotsi ga ba kitla ba tsena mo ntlong.” Jaanong Dafita a nna mo motseng o o femetsweng oo, a o bitsa mošate wa ga Dafita. Dafita a aga motse mo tikologong go tswa kwa Milo go ya kwa gare. Dafita a nna a golela pele; gonne Morena, Modimo wa masomosomo, o ne a na nae. Jaanong Hirame kgosi ya Tiro a roma barongwi kwa go Dafita, a ba a romela le dikgong tsa mesetere le babetli ba dikgong le babetli ba mafika, ba agela Dafita ntlo. Dafita o ne a lemoga jalo, fa Morena a mo tlhomamisitse go nna kgosi ya Iseraele, e bile a tlotlomatsa bogosi jwa gagwe ka ntlha ya morafe wa gagwe wa Iseraele. Dafita a tsaya bagadingwana le basadi ba bangwe gape a le kwa Jerusalema a sena go huduga kwa Heberone; a nna a bona bomorwa le bomorwadi. Maina a bomorwawe ba ba tsaletsweng kwa Jerusalema ke a: Samua le Sobabe le Nathane le Salomo le Ibegare le Elisua le Nefege le Jafia le Elisama le Eliata le Elifelete. E rile Bafelesita ba utlwa go twe, Dafita o tloditswe go nna kgosi ya Iseraele yotlhe, ba bolola botlhe go batla Dafita; ya re Dafita a utlwa jalo, a fologela kwa phemelong ya motse. Mme ya re Bafelesita ba sena go tla le go anama mo molapong wa Refaime, Dafita a botsa Morena a re: “A ke bololele Bafelesita? A o tla ba neela mo diatleng tsa me?” Morena a araba Dafita a re: “Bolola, gonne ruri ke tla ba neela mo diatleng tsa gago.” Dafita a tla kwa Baale-Pherasime, a ba fenya teng a re: “Morena o gogotse baba ba me fa pele ga me jaaka go gogola metsi.” Ke ka moo a teileng felo foo leina la Baale-Pherasime. Ba tlogela medimo ya diseto ya bone teng, mme Dafita le banna ba gagwe ba e tsaya. Bafelesita ba bolola gape, ba anama mo molapong wa Refaime. Ya re Dafita a botsa Morena, a mo araba a re: “O se ka wa ba kgatlhantsha, mme o ba pote ka kwa morago, o ba wele o tswa kwa ditlhatshaneng tsa boroku. Mme e re o utlwa mokgwasa wa dikgato mo godimo ga ditlhatshana tsa boroku, o itlhaganele; gonne foo Morena o tla bo a bolotse, a go etelela pele go fenya mephato ya Bafelesita.” Dafita a dira jalo ka fa Morena a mo laetseng ka teng; a fenya Bafelesita go tswa kwa Geba go ya go fitlha kwa Gesere. Dafita a ba a phutha botlhe gape ba ba tlhaotsweng mo go Iseraele ba le 30 000. Jaanong Dafita a nanoga, a ya kwa Baale wa Juta mmogo le batho botlhe ba ba nang nae go tsaya Letlole la Modimo teng le le bidiwang ka leina la Morena wa masomosomo yo o ntseng fa godimo ga boKerubime. Ba tsaya Letlole la Modimo ka koloi e ntšhwa, le tswa mo ntlong ya ga Abinatabe e e mo thoteng. Usa le Ayo bomorwa Abinatabe ba ne ba kgweetsa koloi e ntšhwa. Ya re ba e tlosa fa lapeng la ga Abinatabe le le mo thoteng e tshotse Letlole la Modimo, Ayo a etelela Letlole pele, mme Usa a tsamaya fa thoko ga lone. Dafita le Baiseraele botlhe ba bina fa pele ga Morena ka diletso tsa mefutafuta tsa dikgong tsa Siperese, e bong ka dirankure le ka diharepa le ka meropana le ka ditshipinyana le ka matlhao. Ya re ba fitlha kwa seboaneng sa ga Nagone. Usa a ntshetsa letsogo kwa Letloleng la Modimo, a le tshegetsa, ka dipholo di ne di rata go le diga. Ke fa Morena a tukela Usa bogale; Modimo wa mo itaya teng ka ntlha ya phoso, mo a bileng a swela teng fa Letloleng la Modimo. Ke fa Dafita a tlalelwa, ka Morena a gagotse Usa; felo foo ga bidiwa Kgagolo-ya-ga-Usa go fitlha letsatsing leno. Dafita a boifa Morena ka letsatsi leo a re: “Letlole la Morena le ka tla jang kwa go nna?” Ka moo Dafita a se ka a rata go isa Letlole la Morena kwa go ene kwa motseng wa ga Dafita, mme a le isa kwa ntlong ya ga Obete-Etomo wa kwa Gathe. Letlole la Morena la nna dikgwedi di le tharo mo ntlong ya ga Obete-Etomo wa Mogathe, mme Morena a tshegofatsa Obete-Etomo le lelapa lotlhe la gagwe. Jaanong ga begelwa kgosi Dafita ga twe, Morena o tshegofaditse lelapa la ga Obete-Etomo le tsotlhe tse o nang natso ka ntlha ya Letlole la Modimo. Ke fa Dafita a ya, a ntsha Letlole la Modimo mo ntlong ya ga Obete-Etomo, a le isa kwa motseng wa ga Dafita ka boitumelo. Mme ya re ba ba sikereng Letlole la Morena ba sena go tsamaya dikgato di le thataro, Dafita a dira setlhabelo sa kgomo le sa namane e e nonneng. Dafita a eta a bina ka thata yotlhe fa pele ga Morena, a itlamile ka khiba ya boperesiti ya letseta. Dafita le Baiseraele botlhe ba isa Letlole la Morena ka meduduetso le modumo wa dinaka. Mme ya re Letlole la Morena le tsena mo motseng wa ga Dafita, Migale morwadia Saule a okomela ka fenstere; jaanong ya re a bona kgosi Dafita a tlolaka a bina fa pele ga Morena, a mo nyatsa mo pelong ya gagwe. Ya re ba sena go tsenya Letlole la Morena le go le baya mo felong ga lone mo teng ga tente e Dafita a e le tlhometseng, Dafita a direla Morena ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo. Ya re Dafita a sena go fetsa go tlisa ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, a tshegofatsa morafe ka leina la Morena wa masomosomo. A ba a abela bontsi jotlhe jwa morafe wa Iseraele, banna le basadi, mongwe le mongwe senkgwana se le sengwe le kabelo ya nama le senkgwana sa maswabi a moweine se le sengwe. Jaanong morafe otlhe wa ya kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la gagwe. Ya re Dafita a boa go dumedisa ba lapa la gagwe, Migale morwadia Saule a tswa go kgatlhantsha Dafita a re: “Kgosi ya Iseraele e ne e itlotla jang kajeno, fa e ikapola mo matlhong a malata a batlhanka ba yona jaaka go ikapola fela batho ba ba difatlha.” Mme Dafita a raya Migale a re: “Ke tla tlolaka fa pele ga Morena yo o ntlhaotseng mo boemong jwa ga rraago le jwa botlhe ba lelapa la gagwe ka go ntira moeteledipele wa morafe wa Morena wa Iseraele. Ke tla bina fa pele ga Morena. Ke tla ba ke ikokobetsa gape bogolo go moo, ke ikaya yo mmotlana, mme mo malateng a o a umakileng ke tla tlotlega.” Mme morwadia Saule, e bong Migale, a se ka a fiwa ngwana ope go ya letsatsing la loso lwa gagwe. E rile kgosi e ntse e nna mo ntlong ya yona, Morena a sena go e ikhutsisa mo babeng botlhe ba yona mo tikologong, ya raya moporofeti Nathane ya re: “A ko o bone, nna ke nna mo ntlong ya mesetere, mme Letlole la Modimo le nna mo teng ga masela a tente.” Nathane a araba kgosi a re: “Yaa o dire tsotlhe tse di mo pelong ya gago; gonne Morena o na nao.” Mme ya re bosigo joo lefoko la Morena la tla kwa go Nathane la re: “Yaa o ree Dafita motlhanka wa me, o re: ‘Morena o bua jaana a re: A wena o ka nkagela ntlo gore ke nne mo go yona? Kana e sa le ka letsatsi le ke ntshitseng Baiseraele kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing leno ga ke ise nke ke nne mo ntlong, mme ke ne ke ntse ke sepela ka moago wa tente. Gongwe le gongwe kwa ke ntseng ke sepela teng le Baiseraele botlhe a nkile ka bua lefoko le mongwe wa basiamisi ba Iseraele yo ke neng ke mo laetse go fudisa morafe wa me wa Iseraele, ka re: Ke ka ntlha ya eng fa lo sa nkagela ntlo ya mesetere?’ “Jaanong he, raya Dafita motlhanka wa me jaana o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ke nna ke go tsereng kwa morakeng o setse dinku morago gore o nne moeteledipele wa morafe wa me wa Iseraele, ka nna nao gongwe le gongwe kwa o ileng teng, ka nyeletsa baba botlhe ba gago fa pele ga gago. Le gona ke tla go direla leina le legolo le le tshwanang le leina la bagolo ba lefatshe. Ke tla beela morafe wa me wa Iseraele manno, ke o tlhoma gore o nne mo felong ga ona, mme o se kwa wa tlhola o rerega gore ba ba setlhogo ba se tlhole ba o gatelela jaaka pele le jaaka mo metlheng ya basiamisi ba ba neng ba busa morafe wa me wa Iseraele. Mme ke tla go ikhutsisa mo babeng botlhe ba gago. Jaanong Morena o go itsise gore o tla go direla ntlo. E tla re fa malatsi a gago a sena go tlala o sena go robala le borraago, ke tsose mongwe wa losika lwa gago sehularong sa gago yo o tla tswang mo mmeleng wa gago, ke tlhomamise bogosi jwa gagwe. Ke ene o tla agelang leina la me ntlo, mme ke tla tlhomamisa sedulo sa gagwe sa bogosi ka bosakhutleng. Ke tla nna rraagwe, ene a nne morwaake, mo e tla reng fa a dira molato, ke mo otle ka thupa ya batho le ka dipetso tsa bana ba batho. Mme bopelotlhomogi jwa me ga bo kitla bo tloga mo go ene jaaka ke bo tlositse mo go Saule yo ke mo tlositseng fa pele ga gago. Go tla tlhomama ntlo ya gago le bogosi jwa gago ka bosakhutleng fa pele ga me; sedulo sa bogosi sa gago se tla tlhomama ka bosakhutleng.’ ” Nathane a bolelela Dafita mafoko otlhe ao le pono yotlhe fela jaaka a laetswe. Ke fa kgosi Dafita a tsena a nna fa pele ga Morena a re: “Nna ke mang, Morena, Modimo? Lotso lwa me ke eng, mo o bileng o mphitlhisitse fano? Mme tsona tseo e sa le tse dinnye mo matlhong a gago, Morena, Modimo. O bile o solofeditse ba lapa la motlhanka wa gago tse di kwa kgakala, e bile e le ka botho, Morena, Modimo. Mme Dafita o sa ntse a ka go raya a reng? Wena o itse motlhanka wa gago, Morena, Modimo. O dirile ka ntlha ya lefoko la gago le ka fa pelong ya gago, fa o itsisitse motlhanka wa gago tse dikgolo tseo tsotlhe. Ke ka moo o leng mogolo, Morena, Modimo. Gonne ga go na ope yo o tshwanang nao; le gona ga go modimo ope kwa ntle ga gago gongwe le gongwe mo re go utlwetseng ka ditsebe tsa rona. Ke morafe ofe o o tshwanang le wa gago wa Iseraele, o e leng setšhaba se le sosi mo lefatsheng se Modimo o tswang go se ithekololela gore e nne morafe wa ona le go itirela leina ka ona le go o direla tse dikgolo le tse di boitshegang? O lelekile ditšhaba le medimo ya tsona fa pele ga morafe wa gago o ò o ithekololetseng kwa Egepeto. O iketleeleditse morafe wa gago wa Iseraele gore e nne morafe wa gago ka bosakhutleng; wena Morena, o dule Modimo wa ona. “Mme jaanong, Morena, Modimo, lefoko le o le buileng ka ga motlhanka wa gago le ka ga lelapa la gagwe le tlhomamise ka bosakhutleng, o dire jaaka o buile. Foo leina la gago le tla nna legolo ka bosakhutleng mo go tla tweng, Morena wa masomosomo ke ene Modimo wa Iseraele; foo lelapa la ga Dafita motlhanka wa gago le tla tlhomama fa pele ga gago. Gonne wena Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o senoletse motlhanka wa gago wa re: ‘Ke tla go agela ntlo.’ Ke ka moo motlhanka wa gago o nameditsweng pelo go ka go rapela ka thapelo e. “Mme jaanong, Morena, Modimo, ke wena Modimo; mafoko a gago a tla nna boammaaruri. O solofeditse motlhanka wa gago tse di molemo tseo. Jaanong he, simolola o tshegofatse lelapa la motlhanka wa gago gore le nne fa pele ga gago ka bosakhutleng; gonne wena Morena, Modimo, o buile jalo. Mme lelapa la motlhanka wa gago le tla tshegofadiwa ka tshegofatso ya gago ka bosakhutleng.” Morago ga moo Dafita a fenya Bafelesita, a ba tsenya pusong ya gagwe, a amoga Bafelesita thata ya go busa dinaga tse e seng tsa bone. A fenya le Bamoabe, a ba ladisa fa fatshe, a ba lekanya ka mogala; mogala wa dira ditlhopha tse tharo, tse pedi tsa bolawa, se le sengwe sa phedisiwa. Bamoabe ba nna batho ba ga Dafita ba ba mo kgethelang. Dafita a fenya le Hatatesere morwa Rehobe kgosi ya Soba, fa e ile go tsosa puso ya yone gape kwa nokeng ya Ferathe. Dafita a mo amoga bapalami ba dipitse ba le 1 700 le banna ba dinao ba le 20 000. Dafita a kgaola dipitse tsotlhe mesifa ya maoto, a sadisa dipitse di le lekgolo fela mo go tsona. Mme ya re Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafita a bolaya banna ba le 22 000 ba bone. Dafita a ba a baya balebeledi ba puso ya gagwe kwa Siria wa Damaseko; Basiria ba nna batho ba ga Dafita ba ba mo kgethelang. Morena a naya Dafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng. Le gona Dafita a tsaya dithebe tsa gouta tse batlhanka ba ga Hatatesere ba neng ba di tshotse, a di isa kwa Jerusalema. Kgosi Dafita a thopa kgotlho e ntsi thata kwa metseng ya ga Hatatesere, kwa Beta le kwa Berothai. E rile Thoi kgosi ya Hamathe a utlwa gore Dafita o fentse mephato yotlhe ya ga Hatatesere, a roma Jorame morwawe kwa go kgosi Dafita go mmotsa bophelo le go mo leboga, ka a tlhabanye le Hatatesere, a mo fenya – gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Thoi – Jorame a tla le dilo tsa selefera le tsa gouta le tsa kgotlho. Tseo le tsona kgosi Dafita a di itshepisetsa Morena mmogo le selefera le gouta tse o di itshepisitseng, a di tsere kwa ditšhabeng tsotlhe tse o neng a di ruile, e bong kwa Siria le kwa Moabe le kwa go Baamone le kwa go Bafelesita le kwa go Baamaleke le mo thopong ya ga Hatatesere morwa Rehobe, kgosi ya Soba. Dafita a itirela leina jalo. Mme ya re a boa a sena go fenya Basiria, a bolaya Baetomo mo mokgatsheng wa letswai, banna ba le 18 000. A ba a baya balebeledi ba puso ya gagwe kwa Etomo, a ba baya mo Etomo yotlhe. Baetomo botlhe ba nna mo pusong ya ga Dafita. Morena a naya Dafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng. Dafita o ne a busa Iseraele yotlhe, a ntse a direla morafe otlhe wa gagwe ka molao le tshiamo. Joabe morwa Seruya e ne e le molaodi wa mephato; Josafate morwa Ahilote e le seatla sa kgosi. Satoke morwa Ahitube le Ahimelege morwa Abjathare e ne e le baperesiti; Seraya e le mokwaledi. Benaya morwa Joyata e ne e le molaodi wa Bakerethi le Baphelethe; bomorwa kgosi Dafita e ne e le baperesiti. Dafita o kile a botsa a re: “A go sa ntse go le mongwe yo o setseng wa losika lwa ga Saule? Fa a le teng, ke tla mo direla ka bopelotlhomogi ka ntlha ya ga Jonathane.” Go ne go le motlhanka wa lelapa la ga Saule, leina la gagwe e le Siba; ba mmiletsa kwa go Dafita. Kgosi ya mmotsa ya re: “A ke wena Siba?” A araba a re: “Ke nna motlhanka wa gago.” Kgosi ya ba ya botsa ya re: “A ga go tlhole go na le ope wa lelapa la ga Saule gore ke tle ke dirafatse bopelotlhomogi jwa Modimo mo ge ene.” Siba a araba kgosi a re: “Go sa le morwa Jonathane yo o golafetseng maoto.” Kgosi ya mmotsa ya re: “O kwa kae?” Siba a araba kgosi a re: “O mo lapeng la ga Magire morwa Amiele kwa Lotebare.” Ke fa kgosi Dafita a roma motho go ya go mo tsaya kwa lapeng la ga Magire, morwa Amiele kwa Lotebare. Jaanong ya re Mefibosethe morwa Jonathane morwa Saule a fitlha kwa go Dafita, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba. Mme Dafita a re: “Mefibosethe!” A araba a re: “Bona, motlhanka wa gago o fano.” Dafita a ba a mo raya a re: “Se boife, gonne ruri ke tla go direla ka bopelotlhomogi ka ntlha ya ga Jonathane rraago, ke go busetsa naga yotlhe ya ga Saule rraago (mogolo). Wena ka wesi o tla ja dijo fa lobating lwa me ka gale.” A ba a ikoba a re: “Motlhanka wa gago ke eng, mo o ntlhokomelang ke le ntšwa e e suleng?” Kgosi ya boa ya bitsa Siba modiredi wa ga Saule, ya mo laela ya re: “Tsotlhe tse e neng e le tsa ga Saule le tsa botlhe ba lapa la gagwe ke di neile morwa mong-wa-go. Mo lemele masimo, wena le bomorwao le batlhanka ba gago, o be o kotule gore e nne dijo tsa ba lapa la mong-wa-go, ba di je, mme Mefibosethe morwa mong-wa-go o tla nna a ja dijo fa lobating lwa me ka gale.” Siba o ne a na le bomorwa ba le 15 le batlhanka ba le 20. Siba a araba kgosi a re: “Motlhanka wa gago o tla dira tsotlhe fela jaaka kgosi morena wa me a laetse.” Mme Mefibosethe a nna a ja fa lobating lwa ga Dafita jaaka mongwe wa bomorwa kgosi. Mme Mefibosethe o ne a na le morwa yo monnye, leina la gagwe e le Miga. Botlhe ba ba neng ba agile mo ntlong ya ga Siba e ne e le batlhanka ba ga Mefibosethe. Mefibosethe o ne a nna mo Jerusalema, a ntse a ja lobating lwa kgosi ka gale, a golafetse maoto a mabedi. Morago ga moo Nahase kgosi ya Baamone a swa, mme Hanune morwaa-yona a nna kgosi mo boemong jwa yona. Ke fa Dafita a re: “Ke tla direla Hanune morwa Nahase ka bopelotlhomogi jaaka rraagwe a ntiretse ka bopelotlhomogi.” Ka moo Dafita a roma batlhanka ba gagwe go mo tshedisa ka ntlha ya ga rraagwe. Mme ya re batlhanka ba ga Dafita ba fitlha kwa nageng ya Baamone, dikgosana tsa Baamone tsa raya Hanune morena wa tsona, tsa re: “A o a re Dafita o tlotla rraago, ka a romile bagomotsi kwa go wena? A ga se gore Dafita o romile batlhanka ba gagwe kwa go wena go sekaseka motse o le go o tlhola le go o senya?” Ke fa Hanune a tshwara batlhanka ba ga Dafita, a ba beola bontlhanngwe jwa ditedu, a ba kgaola diaparo fa gare go fitlha maragong, a be a ba naya tsela. Ya re Dafita a begelwa jalo, a roma go ba kgatlhantsha – gonne banna bao ba ne ba tlhabisitswe ditlhong thata – Kgosi ya re: “Nnang kwa Jerigo go ya ditedu tsa lona di be di gole; morago ga moo lo boe.” E rile Baamone ba bona gore re “itlhoisitse Dafita”, ba roma, ba rapa Basiria ba Bethe-Rehobe le Basiria ba Soba, banna ba dinao ba le 20 000, le kgosi ya Maaga, e na le banna ba le sekete le banna ba Tobe ba le 12 000. Ya re Dafita a utlwa jalo, a roma Joabe le mephato yotlhe ya bagale. Jaanong Baamone ba bolola, ba ikemisa ka thulaganyo ya tlhabano ka fa ntle ga kgoro; mme Basiria ba Soba le ba Rehobe le banna ba Tobe le Maaga ba le go sele kwa nageng. Jaanong ya re Joabe a lemoga gore ntwa e mo potile kwa pele le kwa morago, a tlhopha banna mo mephatong yotlhe ya Iseraele, a ba rulaganya go kgatlhantsha Basiria. Mme banna ba ba setseng a ba neela mo taolong ya ga Abisai morwa-rraagwe, a ba rulaganya gore ba kgatlhantshe Baamone, a laela a re: “Fa Basiria ba mphekeetsa, o tle o nthuse; mme fa Baamone ba go fekeetsa, ke tla tla go go thusa. Nna pelokgale, a re itshupe re le bagale ka ntlha ya morafe wa rona le ka ntlha ya metse ya Modimo wa rona! A Morena a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe.” Jaanong ya re Joabe a atamela le banna ba ba nang nae go ya go tlhabana le Basiria, ba tshaba fa pele ga gagwe. Mme ya re Baamone ba bona Basiria ba tshaba, le bone ba tshaba fa pele ga Abisai, ba tsena mo motseng. Ke fa Joabe a boa a tlogela Baamone, a goroga kwa Jerusalema. Ya re Basiria ba bona, fa ba fentswe ke Baiseraele, ba phuthega gape. Mme Hatatesere a roma a ntsha Basiria ba ba kwa moseja ga noka, ba tla kwa Helame ba etelelwa pele ke Sobage molaodi wa mephato ya ga Hatatesere. Ya re Dafita a bolelelwa jalo, a phutha Baiseraele botlhe, a tshela Joretane, a fitlha kwa Helame. Ke fa Basiria ba ikemisa ka thulaganyo, ba kgatlhantsha Dafita, ba tlhabana nae. Mme Basiria ba tshaba fa pele ga Baiseraele, mme Dafita a bolaya banna ba dikoloi di le 700 tsa Basiria le bapalami ba dipitse ba le 40 000; a khutla le Sobage molaodi wa mephato ya bone, mo a bileng a swela teng. Jaanong ya re dikgosi tsotlhe tse e neng e le batlhanka ba ga Hatatesere di bona fa di fentswe ke Baiseraele, tsa dira kagiso le Baiseraele, tsa ba direla. Mme Basiria ba boifa go thusa Baamone gape. E rile ngwaga o sena go feta, ka nako e dikgosi di a tleng di bolole ka yona, Dafita a roma Joabe le batlhanka ba gagwe le Baiseraele botlhe, ba ya ba senya lefatshe la Baamone, ba dikanyetsa Raba ka ntwa. Dafita ene a setse kwa Jerusalema. Ya re ka nako ya thapama, Dafita a sena go rapamologa mo bolaong jwa gagwe, a tsamayatsamaya mo godimo ga ntlo ya kgosi, mme ya re a okomela a le mo godimo ga ntlo, a bona mosadi a tlhapa, mme mosadi yoo o ne a le montle thata. Ke fa Dafita a roma, a botsolotsa ka ga mosadi yoo. Ga bolelwa ga twe: “Kana ke ene Batsheba morwadia Eliame, mosadi wa ga Uria wa Mohethe.” Dafita a ba a roma barongwi go mmitsa. Ya re a sena go tla kwa go ene, a robala nae. E ne e le gona Batsheba a fetsang itshekologo ya gagwe ya bosadi. Morago ga moo a boela kwa ntlong ya gagwe. Mme mosadi yoo a ithwala a roma a begela Dafita a re: “Ke moimana.” Ke fa Dafita a roma kwa go Joabe a re: “Romela Uria wa Mohethe kwano go nna.” Mme Joabe a romela Uria kwa go Dafita. Ya re Uria a fitlha kwa go ene, Dafita a mmotsa matsogo a ga Joabe le a banna le ka fa tlhabano e tswelelang ka teng. Dafita a ba a raya Uria a re: “Fologela kwa lapeng la gago o tlhape dinao.” Ya re Uria a tswa mo ntlong ya kgosi, neo ya kgosi ya mo latela. Mme Uria a robala fa mojakong wa ntlo ya kgosi mmogo le batlhanka botlhe ba mongwagwe, a se ka a fologela kwa ntlong ya gagwe. Jaanong ya re Dafita a bolelelwa go twe, Uria ga a ka a fologela kwa ntlong ya gagwe, Dafita a botsa Uria a re: “A ga o tswe leetong? Ke ka ntlha ya eng fa o se ka wa ya kwa lapeng la gago?” Uria a fetola Dafita a re: “Letlole le mo leobong le Baiseraele le Bajuta ba mo maobong le Joabe mongwame ba thibeletse kwa nageng, a nna nka ya kwa ntlong ya me go ja le go nwa le go robala le mosadi wa me? Ka bophelo jwa gago le ka mowa wa gago, ga nka ke ka dira se se ntseng jalo.” Dafita a araba Uria a re: “Tlhola mono le kajeno, mme kamoso ke tla go naya tsela.” Mme Uria a tlhola mo Jerusalema ka letsatsi leo. Mme ya re kamoso Dafita a mo laletsa gore a je a nwe nae, mme a mo tagisa; fela ya re mantsiboa, a tswa a robala mo bolaong jwa gagwe mmogo le batlhanka ba mongwagwe, a se ka a fologela kwa ntlong ya gagwe. Mo mosong Dafita a kwalela Joabe lokwalo, a lo mo romela ka Uria. Mo lokwalong o ne a kwadile a re: “Isang Uria kwa pele mo tlhabanong e e makete, lo be lo mo katoge gore a bolawe a swe.” Jaanong ya re Joabe a ntse a dikanyetsa motse ka ntwa, a baya Uria felong fa a itseng banna ba bagale ba le gona. Jaanong ya re banna ba motse ba tswa ba tlhabana le Joabe, ba bangwe ba batlhabani, batlhanka ba ga Dafita ba wa; le Uria wa Mohethe a swa. Ke fa Joabe a roma a itsise Dafita dilo tsotlhe tsa tlhabano a laela morongwi a re: “E re fa o sena go bolelela kgosi dilo tsotlhe tsa tlhabano – mme o bona kgosi e galefa, e go raya e re: ‘Ke ka ntlha ya eng fa lo atametse motse go tlhabana? A ga lo itse gore ba hula ba le mo loboteng? Abimelege morwa Jerubaale o bolailwe jang? A ga a bolawa ke mosadi ka go latlhela tshilo mo go ene, mosadi a le mo loboteng mo a bileng a swela kwa Thebese? Ke ka ntlha ya eng fa lo atametse lobota jalo?’ Foo o re: ‘Le motlhanka wa gago Uria wa Mohethe o sule.’ ” Morongwi a ya a fitlha a bolelela Dafita tsotlhe tse Joabe a di mo laetseng. Morongwi a raya Dafita a re: “Banna bale ba ne ba re fenya, ba tswela kwa go rona kwa nageng. Rona ra ba busa go ya kwa kgorong. Jaanong bahudi ba ba mo loboteng ba hula batlhanka ba gago; ga swa ba bangwe ba batlhanka ba kgosi; le Uria wa Mohethe motlhanka wa gago o sule.” Ke fa Dafita a raya morongwi a re: “Raya Joabe jaana o re: ‘O se ka wa tshwenyega ka ntlha ya selo se; gonne tšhaka e ja yo le yole. Tlhasela motse ka bopelokgale ò o dige!’ Mo kgothatse jalo.” E rile mosadi wa ga Uria a utlwa gore Uria monna wa gagwe o sule, a mo lelela. Mme ya re sebaka sa go mo lelela se sena go feta, Dafita a roma, a mo itseela mo ntlong ya gagwe, a mo tsholela ngwana wa mosimane. Mme tseo tse Dafita a di dirileng tsa bo di le bosula mo matlhong a Morena. Ka moo Morena a roma moporofeti Nathane kwa go Dafita. Ya re a fitlha kwa go ene, a mo raya a re: “Go ne go le banna ba le babedi mo motseng o le mongwe; yo mongwe o ne a humile, yo mongwe a humanegile. Mohumi a bo a na le dinku le dikgomo tse dintsi thata. Mohumanegi ene a bo a se na sepe fa e se kwanyana e namagadi e le nngwe e a e rekileng, a e otla, ya gola e ntse e na nae le bana ba gagwe, e ja thathana ya gagwe, e nwa ka senwelo sa gagwe, e robala a e farile e le jaaka morwadie. Mme ya re monna wa mohumi a etetswe ke moeng, a rekegela dinku tsa gagwe le dikgomo tsa gagwe go tsaya nngwe ya tsona go baakanyetsa moeti yo o mo etetseng dijo, mme a tsaya kwanyana e namagadi ya monna wa mohumanegi, a e tlhabela monna yo o neng a mo etetse.” Ke fa Dafita a tukela monna yoo bogale thata, a raya Nathane a re: “Ka bophelo jwa Morena! Monna yo o dirileng jalo o tshwanetse go bolawa. Le gona a a lefe kwanyana eo ka tse nne, ka a dirile tiro eo, a se ka a tlhomoga pelo.” Ke fa Nathane a raya Dafita a re: “Monna yoo ke wena! Morena Modimo wa Iseraele o bua jaana o a re: ‘Nna ke go tloditse go nna kgosi ya Iseraele, ke bile ke go pholositse mo diatleng tsa ga Saule ka ba ka go naya ntlo ya morena wa gago le basadi ba morena wa gago mo difarong tsa gago, ka go neela gape Baiseraele le Bajuta, mme fa go ise go lekane, nka go okeletsa tse le tse.’ Ke ka ntlha ya eng he, fa wena o nyaditse lefoko la Morena, wa dira tse di bosula mo matlhong a gagwe: O bolaile Uria wa Mohethe ka tšhaka, wa tsaya mosadi wa gagwe go nna mosadi wa gago; kana ene Uria o mmolaisitse tšhaka ya Baamone! Ka moo he, tšhaka ga e kitla e tloga mo lapeng la gago ka metlha le metlha, ka o nnyaditse, wa thukhutha Uria wa Mohethe mosadi go nna wa gago. Morena o bua jaana a re: ‘Bona, ke tla go direla petso e tswa mo lapeng la gago, ke go amoga basadi mo matlhong a gago, ke ba naya yo mongwe, mo a bileng a tla robala le basadi ba gago go le motshegare. Wena o dirile jalo mo sephiring, mme nna ke tla dirafatsa lefoko leo fa pele ga Baiseraele botlhe le mo leseding la letsatsi.’ ” Dafita a raya Nathane a re: “Ke leofetse Morena.” Nathane a fetola Dafita a re: “Fa o re jalo, Morena o itshwaretse boleo jwa gago. Ga o nke o swa. Fela e re ka o re sotlisitse baba ba Morena ka tiro eo, ka moo morwao yo ò mo tsaletsweng o tshwanetse go swa.” Jaanong Nathane a ya kwa lapeng la gagwe, mme Morena a itaya ngwana yo mosadi wa ga Uria a mo tsholetseng Dafita, mo a neng a lwala thata. Ke fa Dafita a batla Modimo ka ntlha ya mosimanyana mo felong ga boitshepo; Dafita a itima dijo, mme e ne ya re fa a tla mo gae, a lale a namaletse fa fatshe. Mme bagolo ba ntlo ya gagwe ba nanoga, ba ema fa go ene, ba re ba mo tsosa fa fatshe, mme a gana, a se ka a ja dijo nabo. Ka letsatsi la bosupa ngwana a swa. Mme batlhanka ba ga Dafita ba boifa go mo itsise gore ngwana o sule. Gonne ba ne ba re: “Kana e rile ngwana a sa ntse a phela, ra bua nae, mme a se ka a utlwa se re se bolelang. Re ka mmolelela jang ra re: ‘Ngwana o sule’? Go ka nna kotsi.” Jaanong ya re Dafita a bona batlhanka ba gagwe ba sebelana, a lemoga gore ngwana o sule. A botsa batlhanka ba gagwe a re: “A ngwana o sule?” Ba re: “Ee, o sule.” Ke fa Dafita a namologa fa fatshe, a tlhapa, a tlôla, a apara diaparo tse dingwe, a ya kwa Ntlong ya Morena a obamela; a ba a ya kwa ntlong ya gagwe, a kopa gore ba mmee dijo pele, a ja. Mme batlhanka ba gagwe ba mmotsa ba re: “Ke eng se o se dirileng? E rile ngwana a sa ntse a phela, wa itima go ja, wa lela, mme ya re ngwana a sena go swa, wa namologa, wa ja dijo.” A araba a re: “E rile ngwana a sa ntse a phela, ka itima dijo, ka lela; gonne ke re: ‘Go itse mang, go gongwe Morena o ka ntlhomogela pelo, ngwana a phela.’ Mme jaanong a sule, nka itimelang dijo? A nka mmusa gape? Nnyaya, ke nna ke tla yang kwa go ene; ga se ene yo o ka boelang kwano go nna.” E rile Dafita a sena go gomotsa Batsheba mosadi wa gagwe, a tsena kwa go ene, a robala nae, mme a ithwala, a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Salomo; ene yoo Morena a mo rata, a roma moporofeti Nathane gore a mo tee leina la Jeditya ka ntlha ya Morena. Mme Joabe a nna a tlhabana le Raba wa Baamone, a ba ba thopa motse wa kgosing. Joabe a ba a roma barongwi kwa go Dafita a re: “Ke lole le Raba, ke bile ke thopile motse o o fa metsing. Ka moo he, phutha banna ba ba setseng, o dikanyetse motse oo ka ntwa, o o thope, e se re gongwe wa thopiwa ke nna, mme ka bokwa ka ntlha ya ona.” Ke fa Dafita a phutha batlhabani botlhe, a ya kwa Raba, a lwa nao, a o thopa; a tsaya serwalo sa Milekome, a se tlosa mo tlhogong ya ona, bokete jwa sona e le talente e le nngwe ya gouta, se na le taemane e e tlhokegang, yona ya rwesiwa Dafita tlhogong; a ntsha thopo e kgolo thata mo motseng oo. A ba a ntsha batho ba ba neng ba le mo go ona, a ba dirisa ka šage le ka dikepu tsa tshipi le ka dilepe tsa tshipi le ka dibopi tsa diekana; a direla metse yotlhe ya Baamone jalo. Jaanong Dafita le batlhabani botlhe ba boela kwa Jerusalema. Morago ga moo ga dirafala tse: Abesalomo morwa Dafita o ne a na le kgaitsadie yo montle, leina la gagwe e le Thamare; mme Amenone morwa Dafita a mo rata. Jaanong Amenone a tshwenyega, mo a bileng a lwala ka ntlha ya ga Thamare kgaitsadie. E bile Amenone a fitlhela go pala go mo dira sengwe, gonne e ne e le lekgarebe. Mme Amenone a bo a na le tsala, leina la yona e le Jonatabe morwa Šimea, mogoloa Dafita. Jonatabe e ne e le monna yo o botlhale thata. Ene a mmotsa a re: “Morwa kgosi, ke ka ntlha ya eng fa o tlhonya mo go kana moso mongwe le mongwe? A ga o ka ke wa mpolelela?” Amenone a mo araba a re: “Ke ka go re ke rata Thamare kgaitsadia Abesalomo morwa-rre.” Mme Jonatabe a mo raya a re: “Robala mo bolaong jwa gago, o itwatse, mme e re rraago a tla go go lekola, o mo ree o re: ‘A Thamare kgaitsadiake a tle, a njese, a baakanye dijo fa pele ga me gore ke lebe, ke jele mo diatleng tsa gagwe.’ ” Amenone a robala jalo, a itwatsa. Ya re kgosi e tla go mo lekola, Amenone a raya kgosi a re: “A Thamare kgaitsadiake a tle a bese dikuku tse di monate di le pedi fa pele ga me gore ke di jele mo diatleng tsa gagwe.” Ke fa Dafita a roma motho kwa ntlong go raya Thamare a re: “A ko o ye kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadio, o mo direle dijo.” Thamare a ya kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadie, ene a ntse a rapame, a feta a tsaya matlhabego, a duba bupe, a dira dikuku tse di monate fa pele ga gagwe, a ba a di besa. A tlhatlola pane, a di mo tsholela; mme a gana go ja. Jaanong Amenone a re: “A botlhe ba tswe, ba tloge fa go nna.” Ba tswa botlhe, ba mo tlogela. Jaanong Amenone a raya Thamare a re: “Tlisa dijo kwano mo kamoreng gore ke jele mo diatleng tsa gago.” Thamare a tsaya dikuku tse a di dirileng, a di isa mo kamoreng kwa go Amenone kgaitsadie. Mme ya re a di mo atametsa gore a je, Amenone a mo tshwara a mo raya a re: “Robala le nna, kgaitsadiaka!” Mme Thamare a mo raya a re: “Nnyaya, kgaitsadiaka, o se ka wa nkgatelela; gonne ga se mokgwa wa rona Baiseraele. O se ka wa dira bosilo jo bo ntseng jalo. Nka tla ka isa ditlhong tsa me kae? Le wena o ka nna jaaka lesilo mo Baiseraeleng. Bogolo bua le kgosi. Kana ga e kitla e go ganela ka nna.” Mme a se ka a utlwana nae; a mo gatelela, a mo tlotlolola, a mo robala. Ke fa Amenone a simolola go mo ila ka kilo e kgolo thata. E bile kilo e a mo ilang ka yona ya feta lorato lo o neng a mo ratile ka lone, mme Amenone a mo raya a re: “Tsoga, o tsamae!” Mme Thamare a mo raya a re: “Fa e le bosula jo bogolo joo jwa go nkoba, bo feta jo bongwe jo o bo dirileng mo go nna.” Mme a se ka a rata go mo reetsa. A ba a bitsa motlhanka wa gagwe, a mo raya a re: “Ntshetsa motho yo kwa ntle, o mo tlose fa go nna, o tswale setswalo a sena go tswa.” Thamare a bo a apere seaparo se seleele se se nang le mabogo, ka bomorwadia kgosi ba e leng makgarebe ba ne ba apara mesese e e jalo. Mme ya re motlhanka wa gagwe a sena go mo ntshetsa kwa ntle le go mo tswalela, Thamare a itshela molora mo tlhogong, a gagola seaparo se se nang le mabogo se a se apereng, a ithwala megono, a tsamaya a bokolela. Mme Abesalomo kgaitsadie a mmotsa a re: “A Amenone kgaitsadio o ne a nna nao? Mme jaanong, kgaitsadiaka, didimala, ke kgaitsadio. O se ka wa ela selo seo tlhoko.” Thamare a nna jalo mo ntlong ya ga Abesalomo kgaitsadie, a swetswe. Ya re kgosi Dafita a utlwa tsotlhe tseo, a tuka bogale thata. Mme a se ka a utlwisa mowa wa ga Amenone morwawe botlhoko, gonne o ne a mo rata, ka e le morwawe yo mogolo. Mme Abesalomo a se ka a bua sepe le Amenone, le fa e le tse di bosula gongwe tse di molemo, ka Abesalomo a ne a tlhoa Amenone ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go gatelela Thamare kgaitsadie. E rile dinyaga di le pedi di sena go feta, Abesalomo a dira letsema la go beola dinku kwa Baale-Hasore yo o bapileng le Eferaime; a ba a laletsa bana botlhe ba kgosi. A ba a ya kwa kgosing, a ya a re: “A ko o bone, motlhanka wa gago o na le babeodi ba dinku. Ka thapelo, a kgosi le batlhanka ba yona ba ye le motlhanka wa gago.” Mme kgosi ya fetola Abesalomo ya re: “Nnyaya tlhe morwaaka, a re se ka ra ya rotlhe gore re se go imele.” Mme a e rapela thata, fela ya se ka ya rata go tsamaya, mme ya mo tsamaisa sentle. Ke fa Abesalomo a re: “Fa go sa nne jalo, ka thapelo a Amenone mogolole a ye le rona.” Mme kgosi ya mo fetola ya re: “A eleng le lona?” Fela ya re Abesalomo a e rapela thata, ya laela Amenone le bana botlhe ba kgosi go ya nae. Mme Abesalomo a dira moletlo o o tshwanang le moletlo wa kgosi. Mme Abesalomo o ne a laetse batlhanka ba gagwe a re: “Lo tle lo ele tlhoko, fa Amenone a sena go tlhapelwa, ke tla lo raya ke re: ‘Itayang Amenone!’ Foo lo mmolae! Lo se boife! Kana ke nna ke lo laetseng jalo. Tiang lo nne pelokgale.” Batlhanka ba ga Abesalomo ba direla Amenone jaaka Abesalomo a ba laetse. Ke fa bana botlhe ba kgosi ba nanoga, ba palama meboulwe ya bone, ba tshaba. Ya re ba le mo tseleng, mokgosi wa fitlha kwa go Dafita ga twe: “Abesalomo o bolaile bana botlhe ba kgosi. Ga go a sala ope wa bone.” Foo kgosi ya nanoga ya ikgagola diaparo, ya namalala fa fatshe; le batlhanka botlhe ba yona ba ba emeng fa go yona ba ikgagola diaparo. Ke fa Jonatabe morwa Šimea, mogoloa Dafita a simolola go bua a re: “A morena wa me a se gopole gore go bolailwe makau otlhe, e bong bomorwa kgosi; gonne go sule Amenone a le esi fela. Kana mo sefatlhegong sa ga Abesalomo go ne go bonala pusoloso go tloga ka letsatsi le Amenone a gateletseng Thamare kgaitsadie ka lone. Jaanong he, a kgosi morena wa me a se gopole gore go sule bomorwa kgosi botlhe. Nnyaya, go sule Amenone a le esi fela.” Mme Abesalomo a tshaba. Jaanong ya re lekau le e leng motlhodi le tsholetsa matlho le leba, la bona batho ba bantsi ba tsamaya ba tlhaga ka tsela e e fa morago ga lone fa thoko ga thaba. Ke fa Jonatabe a raya kgosi a re: “Bona, bomorwa kgosi ba e tla. Go ntse jaaka motlhanka wa gago a buile.” Mme ya re a sena go bua jalo, ba bona bomorwa kgosi ba tla, ba tlhatlosa mantswe, ba lela; kgosi le yona le batlhanka botlhe ba lela ka selelo se segolo thata. Abesalomo ene o ne a tshabile, a ile kwa go Thalemai morwa Amihure, kgosi ya Kesure. Mme Dafita a hutsafalela morwawe ka malatsi otlhe ao. Ya re Abesalomo a sena go tshabela kwa Kesure, a nna teng dinyaga di le tharo. Mme mowa wa kgosi Dafita wa tlhologelelwa thata go ya kwa go Abesalomo; gonne o ne a khutlile go hutsafalela Amenone jaaka a sule. E rile Joabe morwa Seruya a lemoga gore pelo ya kgosi e tlhologeletswe Abesalomo, a roma motho kwa Thekoa go ya go bitsa mosadi yo o botlhale gona, a feta a mo raya a re: “A ko o ikhutsafatse, o apare diaparo tsa bohutsana; o se ka wa tlola lookwane, mme o itshole jaaka mosadi yo o sa bolong go lelela moswi. O be o tsene kwa kgosing, o bue nayo jaana le jaana” – a ba a mo laela se a tshwanetseng go se bua. Mosadi wa Thekoa a tsena kwa kgosing, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba a re: “Thusa, kgosi!” Kgosi ya mmotsa ya re: “O batla eng?” A araba a re: “Ruri, ke mosadi wa motlholagadi, ke swetswe ke monna. Jaanong lelata la gago le ne le na le bomorwa ba le babedi; ba lwa ba le kwa nageng; mme ka go ne go se na yo o ka ba kgaoganyang, yo mongwe a itaya yo mongwe, a mmolaya. Bona, jaanong losika lotlhe lo tsogetse lelata la gago ba re: ‘Ntsha mmolai wa morwa-rraagwe gore re mmolae ka ntlha ya bophelo jwa morwa-rraagwe yo a mmolaileng, re nyeletse le ene moja-boswa.’ Ke go re: Ba rata go bolaya seloka se se ntshaletseng gore monna wa me a se ka a salelwa ke leina le fa e le lesalela mo lefatsheng.” Kgosi ya raya mosadi ya re: “Ya kwa gae, ke tla ntsha taolo ka ntlha ya gago.” Mme mosadi wa Thekoa a raya kgosi a re: “Kgosi, morena wa me! Molato o tla nna mo go nna le mo losikeng lwa ga etsho, mme e seng mo kgosing le e seng mo sedulong sa yona sa bogosi.” Kgosi ya ba ya re: “Yo o ka go tshwenyang ka puo o mo tlise go nna, mme ga a kitla a tlhola a go ama gape.” Mosadi a re: “A kgosi e ke e gopole Morena, Modimo wa yona, gore mmusolosi wa madi a se ka a senyetsa pele; ba se ka ba nyeletsa morwaake.” Kgosi ya re: “Ka bophelo jwa Morena! Ga go kitla go wela thiri epe ya ga morwao fa fatshe.” Ke fa mosadi a re: “A lelata la gago le ke le bue sengwe le kgosi, morena wa me.” Kgosi ya re: “Bua!” Mosadi a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o sokamisetsa morafe wa Modimo ka tse di ntseng jalo? E re ka kgosi e buile lefoko le, e tshwana le yo o molato, ka go re kgosi e gana go busetsa molelekwa wa yona kwa gae. Kana re na le go swa, re tshwana le metsi a a tshologetseng fa fatshe a a sa ka keng a phuthega gape. Mme Modimo ga o tlose bophelo fela, o a akanya pele gore o se ka wa leleka fela yo o lelekilweng ke batho. Jaanong fa ke tlile go bua jalo le kgosi morena wa me, ke ka go re batho ba ntshositse. Mme lelata la gago la re: ‘Ke tla bua le kgosi. Motlhamongwe kgosi e tla dirafatsa kopo ya lelata la yona.’ Ruri, kgosi e tla dumela go pholosa lelata la yona mo seatleng sa monna yo o batlang go re nyeletsa, nna le morwaake, go re ntsha mo nageng e ya Modimo. Mme lelata la gago la re: ‘A lefoko la kgosi morena wa me le mphe boikhutso; gonne kgosi, morena wa me, o tshwana le moengele wa Modimo go ka farologanya molemo le bosula.’ Mme a Morena, Modimo wa gago, o nne nao.” Ke fa kgosi e fetola, e raya mosadi e re: “O se ka wa ntobela sepe se ke tla go botsang.” Mosadi a re: “A kgosi morena wa me a ke a botse!” Kgosi ya re: “A seatla sa ga Joabe ga se na nao mo go tsotlhe tse?” Mosadi a araba a re: “Ka bophelo jwa gago, kgosi morena wa me! Go a pala go ka fapoga se sengwe se kgosi morena wa me o se buileng, le fa e le mo ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema: Ke nnete, Joabe motlhanka wa gago ke ene yo o ntaetseng; ke ene yo o tsentseng mafoko otlhe a mo molomong wa lelata la gago. Joabe motlhanka wa gago o dirile jalo gore a tle a fetole molato wa kgang e. Mme morena wa me o botlhale jaaka moengele wa Modimo ka go itse tsotlhe tse di mo lefatsheng.” Ke fa kgosi e raya Joabe e re: “Bona he, a go nne jalo. Ya o buse lekau leo, e bong Abesalomo.” Jaanong Joabe a wela fa fatshe ka sefatlhego a ikoba, a leboga kgosi. A ba a re: “Kajeno motlhanka wa gago o lemogile gore o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, kgosi, morena wa me; ka gonne kgosi e dirafaditse lefoko la motlhanka wa yona.” Joabe a nanoga jalo, a ya kwa Kesure, a ya go tla le Abesalomo kwa Jerusalema. Mme kgosi ya re: “A a gorogele kwa lapeng la gagwe, mme a se ka a bona sefatlhego sa me.” Abesalomo a gorogela kwa lapeng la gagwe, mme a se ka a bona sefatlhego sa kgosi. Mme go ne go se monna ope yo montle mo Baiseraeleng botlhe jaaka Abesalomo yo o bokwang thata: Go tloga patong ya lonao go ya phogong ya gagwe go se na tshokamo epe mo go ene. O ne a ipeola ka bofelo jwa ngwaga; gonne moriri o ne o mo imela, ka moo a o beole, mme bokete jwa moriri wa gagwe e nne dišekele di le 200 ka fa seelong sa kgosi. Abesalomo a tsholelwa bomorwa ba le bararo le morwadi a le mongwe, leina la gagwe e le Thamare; ene e ne e le mosadi yo montle. Abesalomo a nna mo Jerusalema dinyaga di le pedi a ntse a sa bone sefatlhego sa kgosi. Jaanong a roma motho kwa go Joabe go mmitsa gore a mo rome kwa kgosing, mme a gana go tla; a roma gape la bobedi, le gona a gana. Ke fa Abesalomo a raya batlhanka ba gagwe a re: “Bonang tshimo ya ga Joabe e e bapileng le ya me e na le garase; yaang go e tshuba.” Mme batlhanka ba ga Abesalomo ba ya ba e tshuba. Ke fa Joabe a nanoga a ya kwa go Abesalomo mo ntlong, a mo raya a re: “Ke ka ntlha ya eng fa batlhanka ba gago ba fisitse tshimo ya me?” Abesalomo a araba Joabe a re: “Bona, ke romile motho kwa go wena gore a go bitse. Kana ke rata go go roma kwa kgosing gore o ye go mpoletsa go re: ‘Ke tloseditsweng kwa Kesure, ka tla mono? Go ka bo go le botoka mo go nna, fa nka bo ke sa le gona.’ Mme jaanong a ke bone sefatlhego sa kgosi. Fa ke na le molato, a e mpolae.” Joabe a tsena kwa kgosing, a e begela jalo; kgosi ya bitsa Abesalomo, a ya kwa kgosing, a feta a e ikobela, a wela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga kgosi. Mme kgosi ya atla Abesalomo. E rile morago ga moo Abesalomo a ipatlela koloi le dipitse le banna ba le 50 ba ba mo dikanyetsang. Le gona Abesalomo o ne a tle a phakele a eme fa thoko ga tsela e e yang kwa kgotleng, mme mongwe le mongwe yo o nang le kgang, fa a ya kwa kgosing go atlholelwa, Abesalomo a mmitse, a mmotse a re: “O tswa kwa motseng ofe?” Mme e re fa a araba a re: “Motlhanka wa gago o tswa mo go longwe lwa ditso tsa Iseraele,” Abesalomo a mo ree a re: “Bona, mafoko a gago a siame, a utlwala sentle, mme ga go na ope kwa kgosing yo o tla go reetsang.” Abesalomo a bue gape a re: “E kete nka bo ke beilwe moatlhodi mo lefatsheng gore mongwe le mongwe yo o nang le kgang le molato a tle kwa go nna, ke tle ke mo atlholele.” Mme e ne ya re fa mongwe a atamela go mo ikobela, Abesalomo a ntshe letsogo, a mo tshware, a mo atle. Baiseraele botlhe ba ba tlang kwa kgosing go sekwa, Abesalomo a ba direle ka mokgwa oo. A utswa dipelo tsa banna ba Iseraele jalo. Jaanong ya re dinyaga tse nne di sena go feta, Abesalomo a raya kgosi a re: “Nte ke ye kwa Heberone, ke ye go dirafatsa maikano a me a ke a ikanetseng Morena. Gonne motlhanka wa gago o ikanne maikano a le kwa Kesure kwa Siria a re: ‘Fa Morena a ka mpusetsa tota kwa Jerusalema, ke tla direla Morena kwa Heberone.’ ” Kgosi ya mo raya ya re: “Tsamaya ka kagiso!” Mme a nanoga a ya kwa Heberone. Mme Abesalomo o ne a romile barongwi ka sephiri kwa ditsong tsotlhe tsa Iseraele go ya go re: “E re lo utlwa tumo ya lonaka, lo re: ‘Abesalomo ke kgosi kwa Heberone!’ ” Mme banna ba le 200 ba ya le Abesalomo, ba tswa mo Jerusalema ba laleditswe; ba ya fela ba sa itse sepe. Le gona ya re Abesalomo a ntse a dira ditlhabelo, a roma motho go ya go bitsa Ahithofele wa Gilo, mogakolodi wa ga Dafita kwa Gilo motseng wa ga gabo. Mme moferefere wa gola, batho ba ba gogang le Abesalomo ba nna ba ntsifalela pele. Mme ya re go tla yo o begelang Dafita gore dipelo tsa Baiseraele botlhe di tshaba le Abesalomo, Dafita a raya batlhanka botlhe ba gagwe ba ba nang nae mo Jerusalema a re: “Nanogang re tshabeng; kwa ntle ga moo ga re ka ke ra falola mo go Abesalomo. Itlhaganeleng re tsamae, e se re gongwe a akofa a re fitlhela, a re digela tatlhegong, a bolaya motse o ka bogale jwa tšhaka.” Jaanong batlhanka ba kgosi ba raya kgosi ba re: “A go dirwe gotlhe ka fa kgosi morena wa rona a ratang ka teng. Bona, re batlhanka ba gago.” Kgosi ya tswa jalo, ya salwa morago ke ba lapa la yona botlhe. Fela kgosi ya tlogela bagadingwana ba le some go disa ntlo. Ya re kgosi e se na go tswa le batho botlhe ba ba e salang morago, ba ema fa ntlong ya bofelo, ga nna ga feta batlhanka botlhe ba yona; ga feta le Bakerethi le Baphelethe botlhe fa pele ga kgosi le Bagathe botlhe, e bong banna ba ba 600 ba ba neng ba tla le ene jale fa a tswa kwa Gathe. Mme kgosi ya raya Ithai wa Mogathe ya re: “Wena o elang le rona? Boa o ye go nna le kgosi; gonne wena o mofaladi, le gona o lelekilwe kwa ga eno. O magorogo-mašwa, a kajeno nka go kgarakgatsha go ya le rona? Kana ke tsamaya fela, ga ke itse kwa ke yang teng. Boa, o boe le bomorwa-rraago. A Morena a go direle bopelotlhomogi le boammaaruri!” Mme Ithai a fetola kgosi a re: “Ka bophelo jwa Morena le ka bophelo jwa kgosi mong wa me! Ruri, mo felong kwa kgosi mong wa me o tla nnang gona, motlhanka wa gago le ene o tla nna gona, le fa go iwa losong gongwe bophelong.” Ke fa Dafita a raya Ithai a re: “Yaa o fete!” Ithai wa Mogathe a feta le banna botlhe ba gagwe le bana botlhe ba ba nang nae. Mme lefatshe lotlhe la lela ka lentswe le legolo, fa batho botlhe ba ntse ba feta. Kgosi ya ba ya tshela nokana ya Kiterone, le batho botlhe ba tshela ka tsela e e yang kwa sekakeng. Ga fitlhelwa Satoke le ene le Balefi botlhe ba na nayo ba rwele Letlole la Kgolagano ya Modimo, ba baya Letlole la Modimo fa fatshe, mme Abjathare a dira setlhabelo, go ya batho botlhe ba ba tswang mo motseng ba fetse go feta. Mme kgosi ya raya Satoke ya re: “Busetsa Letlole la Modimo kwa motseng. Fa ke bona bopelotlhomogi mo matlhong a Morena, o tla mpusa, a le mponisa gape le moago wa gagwe. Fela fa a ka re: ‘Ga o nkgatlhe!’ foo ke fano, a a dire ka nna ka fa a ratang ka teng.” Kgosi ya ba ya raya Satoke moperesiti ya re: “Wena Mmoni, boela kwa motseng ka kagiso, le Ahimaase morwao le Jonathane morwa Abjathare, bomorwaa-lona ba babedi a ba ye le lona. Itseng gore, nna ke tla leta kwa madibogong a Lebala la Joretane go ya lo be lo nthomele lefoko la go nkitsise.” Satoke le Abjathare ba busetsa Letlole la Modimo jalo kwa Jerusalema, ba nna teng. Mme Dafita a tlhatlogela mo mokonnye wa ditlhare tsa olefa, a tlhatloga a ntse a lela a ikhurumeditse, a tsamaya a sa rwala sepe mo dinaong; le batho botlhe ba ba nang nae ba ikhurumeditse, ba tlhatloga ba ntse ba lela. Ya re Dafita a begelwa go twe, Ahithofele le ene o mo moferefereng, o goga le Abesalomo, Dafita a re: “Morena, a ko o senye maano a ga Ahithofele!” Mme ya re Dafita a fitlha kwa setlhoeng sa thaba kwa go neng go tle go obamelwe Modimo gona, a fitlhela Husai wa Moaregi, a kgatlhana nae a ikgagotse kobo, a itshetse mmu tlhogong. Ene Dafita a mo raya a re: “Fa o tswelela pele le nna, o tla nkimela. Mme fa o ka boela kwa motseng, wa raya Abesalomo wa re: ‘Kgosi, ke rata go nna motlhanka wa gago; mo metlheng ya pele ke ne ke le motlhanka wa ga rraago, mme jaanong ke motlhanka wa gago!’ Foo o ka ntogololela maano a ga Ahithofele. Le gona baperesiti Satoke le Abjathare kana ba na nao teng! Tsotlhe tse o tla di utlwang mo lapeng la kgosi o tla di sebele Satoke le Abjathare baperesiti. Kana teng bomorwaabo ba babedi ba na nabo, Ahimaase wa ga Satoke le Jonathane wa ga Abjathare. Mafoko otlhe a lo tla a utlwang lo a nthomele ka bone.” Husai, tsala ya ga Dafita ya tsena jalo mo motseng, fa Abesalomo le ene a tsena mo Jerusalema. E rile Dafita a sena go feta setlhoa go le gonnye, Siba motlhanka wa ga Mefibosethe a mo kgatlhantsha, a na le diesele di le pedi di belesitswe disale, di belege dinkgwe di le 200 le dinkgwe di le 100 tsa maswabi a moweine le maungo a letlhafula a le 100 le lekuka la weine. Mme kgosi ya botsa Siba ya re: “O dirang ka dilo tse?” Siba a re: “Diesele ke tsa go palangwa ke ba lapa la kgosi; dinkgwe le maungo ke tse di yang go jewa ke batlhanka; weine ke e e nowang ke ba ba lapileng mo sekakeng.” Kgosi ya ba ya botsa ya re: “Morwa mong-wa-go o kae?” Siba a araba kgosi a re: “Ene o setse kwa Jerusalema, gonne a re: ‘Kajeno Baiseraele ba tla mpusetsa bogosi jwa ga rre.’ ” Ke fa kgosi e raya Siba e re: “Gona tsotlhe tse e leng tsa ga Mefibosethe e tla nna tsa gago.” Siba a re: “Ke a ikoba. A ke bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago, kgosi mong wa me!” Jaanong e rile kgosi Dafita a fitlha kwa Bahurime, ga tlhaga monna teng wa losika lwa ga Saule, leina la gagwe e le Simei morwa Gera; ene a tlhaga a ntse a tlhapatsa; a konopa Dafita le batlhanka botlhe ba kgosi Dafita ka majwe, le fa batho botlhe le bagale botlhe ba ntse ba le mo ntlheng ya le le jang la gagwe le mo ntlheng ya la molema la gagwe. Ya re Simei a tlhapatsa, a bua jaana a re: “Tloga, tloga, wena motsholodi wa madi, sesenyi ke wena! Morena o busoloseditse madi otlhe a ba lapa la ga Saule mo go wena, wena yo o duleng kgosi mo boemong jwa gagwe. Morena o bile o neetse bogosi mo diatleng tsa ga Abesalomo morwao, mme wena o fano mo tatlhegong ya gago; gonne o monna yo o tsholotseng madi.” Ke fa Abisai morwa Seruya a botsa kgosi a re: “A ntšwa e e suleng e, e ka tlhapatsa kgosi mong wa me? Nte ke ye teng, ke ye go mo kgaola tlhogo!” Mme kgosi ya re: “Ga ke na sepe le tseo tsa lona bomorwa Seruya! Mo leseng, a tlhapatse jalo; gonne Morena o mo laetse a re: ‘Tlhapatsa Dafita!’ Jaanong ke mang yo o ka reng: ‘O direlang jalo?’ ” Dafita a ba a raya Abisai le batlhanka botlhe ba gagwe a re: “Kana fa morwaake yo o duleng mo mmeleng wa me a batla go mpolaya, bogolo jang Mobenyamene yo! Mo leseng, a tlhapatse! Gonne Morena o mo laetse jalo. Ka gongwe Morena o tla leba tatlhego ya me, a mpusetsa tse di molemo boemong jwa khutso e e nkhutsitseng kajeno.” Jaanong Dafita le banna ba gagwe ba fetela pele mo tseleng, mme Simei a tsamaya a ntse a lebaganye nae a le mo ntlheng ya thaba a ntse a tlhapatsa, a konopa ka majwe le ka makwete a lebaganye nae. Kgosi ya fitlha le batho botlhe ba ba nang nayo kwa Joretane ba lapile, mme ba itapolosa teng. Mme Abesalomo le banna botlhe ba Iseraele ba fitlha kwa Jerusalema; le Ahithofele a na nae. Jaanong ya re Husai wa Moaregi, tsala ya ga Dafita, a tsena kwa go Abesalomo, a raya Abesalomo a re: “A kgosi e phele! A kgosi e phele!” Mme Abesalomo a botsa Husai a re: “A ke lone lorato lwa go rata tsala ya gago? Ntlha ga o a ya nayo?” Ke fa Husai a raya Abesalomo a re: “Nnyaya! Ene yo o tlhaotsweng ke Morena le morafe o le banna botlhe ba Iseraele ke ene yo ke tla nnang wa gagwe, ke nna nae. La bobedi, ke direla mang? A ga se morwawe? Ke tla go direla fela jaaka ke diretse rraago.” Jaanong Abesalomo a raya Ahithofele a re: “Gakololanang gore re ka dirang?” Ahithofele a fetola Abesalomo a re: “Tsena kwa bagadingwaneng ba ga rraago ba o ba tlogetseng go disa ntlo; foo Baiseraele botlhe ba tla utlwa gore o tenetse rraago ruri, mme diatla tsa botlhe ba ba nang nao di tla tia.” Ke fa ba tlhomela Abesalomo tente mo godimo ga dithulelo tsa ntlo, mme Abesalomo a tsena kwa bagadingwaneng ba ga rraagwe mo ponong ya Baiseraele botlhe. Mo metlheng ele kgakololo e Ahithofele o ne a tla a e ntshe e ne e tshwana le e e tswang mo Modimong. Kgakololo nngwe le nngwe ya ga Ahithofele e ne e le jalo mo go Dafita le mo go Abesalomo. Ahithofele o bile a raya Abesalomo a re: “Nte ke tlhaole banna ba le 12 000, ke bolole, ke latelele Dafita bosigo jono, ke mo wele godimo a sa ntse a lapile a kgobegile marapo. Ke tla mo tshosa jalo, mme batho botlhe ba ba nang nae ba tla tshaba, mme ke tla bolaya kgosi e le yosi fela; ke be ke busetsa batho botlhe kwa go wena jaaka monyalwa a boela kwa monneng wa gagwe. Kana o batla go bolaya monna a le mongwe fela. Foo morafe otlhe o tla nna mo kagisong.” Lefoko leo la kgatlha Abesalomo le bagolo botlhe ba Iseraele. Mme Abesalomo a re: “A go ke go bidiwe Husai wa Moaregi, le ene re utlwe se a se buang.” Ya re Husai a tsena kwa go Abesalomo, Abesalomo a mmegela se Ahithofele a se buileng a re: “Wena o a reng? A ke re dire ka mokgwa oo? Fa go sa siama, re bolelele!” Husai a fetola Abesalomo a re: “Kgakololo e Ahithofele o e ntshitseng ka nako e ga e a siama.” Husai a ba a re: “Rraago ò a mo itse le banna ba gagwe, ke bagale ba ba pelo di gaketseng jaaka bere e e thukhuthilweng bana kwa nageng; gape rraago ke monna wa motlhabani, ga a ka ke a robala le banna. Bona, jaanong o iphitlhile mo go longwe lwa dikgaga gongwe mo felong fa gongwe; mme e ka re fa bangwe ba rona ba bolawa mo tshimologong, mme go utlwala gore banna ba ba setseng Abesalomo morago ba fentswe. Foo le mogale yo pelo ya gagwe e tshwanang le ya tau o ka nyema moko tota. Gonne Baiseraele botlhe ba itse gore rraago ke mogale, le ba ba nang nae ke ba ba pelokgale. Mme nna ke gakolola gore Baiseraele botlhe ba phuthegele kwa go wena ka bontsi go tswa kwa Dane le go fitlha kwa Bereseba, ba ntsifale jaaka mošawa o o fa losing lwa lewatle; le wena ka wesi o be o ye nabo tlhabanong. Mme e tla re re fitlha kwa go ene fa re tla mmonang teng, re mo wele godimo jaaka monyo o wela fa fatshe; mme fa e le ene le banna botlhe ba ba nang nae, ga re kitla re sadisa ope wa bone le e seng a le mongwe fela. Mme fa a ka tshabela kwa motseng mongwe, Baiseraele botlhe ba tla isa megala kwa motseng oo, mme re tla o gogela kwa nokeng go tsamaya go se ka ga fitlhelwa sepe teng le e seng lefikana le le lengwe fela.” Ke fa Abesalomo le banna botlhe ba Iseraele ba re: “Kgakololo ya ga Husai wa Moaregi e siame, e gaisa kgakololo ya ga Ahithofele.” Mme e ne e le Morena yo o neng a dira jalo go senya kgakololo e e neng e ba siametse ya ga Ahithofele, e le gore Morena a dirafaletse Abesalomo tse di botlhoko. Jaanong Husai a sebela baperesiti Satoke le Abjathare a re: “Ahithofele o gakolotse Abesalomo le bagolo ba Iseraele jaana le jaana, mme nna ke gakolotse jaana le jaana. Mme jaanong akofang lo rome bomorwaa-lona, lo itsise Dafita lo re: ‘O se ka wa lala fa madibogong a Lebala la Joretane, mme o tshele, e se re gongwe kgosi ya nyelediwa le banna botlhe ba ba nang nayo.’ ” Jonathane le Ahimaase ba ne ba eme kwa motsweding wa Rogele, gonne ba ne ba tshaba go iponatsa ka go tsena mo motseng, mme lelata la ya la ba sebela, mme bone ba ya go itsise kgosi Dafita. Fela mosimane mongwe a ba bona, a begela Abesalomo, mme bone ba tsamaya ka bonako boo babedi, ba fitlha kwa ntlong ya monna mongwe wa Bahurime yo o nang le mokwele mo lapeng la gagwe, mme ba theogela mo go ona. Mme mosadi wa teng a tsaya kobo, a e ala mo godimo ga mokwele, a anega mabele a a somotsweng mo go yona mo go sa kakeng ga lemogwa sepe. Jaanong ya re batlhanka ba ga Abesalomo ba tla kwa mosading mo ntlong, ba botsa ba re: “Ahimaase le Jonathane ba kae?” Mosadi a ba fetola a re: “Ba fetetse kwa molatswaneng wa metsi.” Ba ba batla, mme ya re ba ba tlhoka, ba boela kwa Jerusalema. Ya re ba sena go tsamaya, bale ba tswa mo mokweleng, ba ya ba itsise kgosi Dafita, ba raya Dafita ba re: “Nanogang lo tshele metsi a Joretane ka pele; gonne Ahithofele o lo logetse maano a gore le gore.” Foo Dafita a nanoga le batho botlhe ba ba nang nae, ba tshela Joretane; ya re bosigo boo sa, ga bo go sa sala ope yo o sa tshelang Joretane. Mme ya re Ahithofele a bona kgakololo ya gagwe e sa dirafadiwe, a belesa esele ya gagwe, a nanoga a ya kwa gae kwa motseng wa ga gabo, a feta a laelana le ba lapa la gagwe, a ya a ikaletsa, a swa, a fitlhwa mo lebitleng la ga rraagwe. Ya re Abesalomo a tshela Joretane, ene le banna botlhe ba Iseraele nae, Dafita a bo a setse a fitlhile kwa Mahanaime. Abesalomo o ne a beile Amasa mo boemong jwa ga Joabe go laola mephato. Amasa yoo e ne e le morwa monna yo leina la gagwe e leng Ithera wa Moisemaele yo o neng a tsenye kwa go Abikaile morwadia Isai monnaa Seruya, mmaagwe Joabe. Mme Baiseraele le Abesalomo ba thibelela kwa nageng ya Gileate. Jaanong e rile Dafita a fitlha kwa Mahanaime, ga tla Sobi morwa Nahase wa kwa Raba motseng wa Baamone, le Magire morwa Amiele wa Lotebare, le Baresilai, Mogileate wa Rogelime, ba tlisa malao le dikobo le megopo le dipitsa le mabele le garase le bupe le dipabe le dinawa le lotlhodi le mafura a dinotshe le madila le dinku le lobebe, ba di baya Dafita le batho ba ba nang nae pele gore ba je; gonne ba re: “Batho ba tshwerwe ke tlala le letsapa le lenyora mo sekakeng.” Jaanong Dafita a bala batlhabani ba ba nang nae, a ba beela balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo. Dafita a ba dira dikarolo di le tharo, karolo ya ntlha e laolwa ke Joabe, ya bobedi e laolwa ke Abisai morwa Seruya monnaa Joabe, ya boraro e laolwa ke Ithai wa Mogathe. Kgosi ya ba ya raya batlhabani ya re: “Ruri, le nna ke rata go bolola le lona.” Mme batlhabani ba re: “O se ka wa bolola! Gonne fa re ka tshaba, ga ba ne ba re sala morago; le fa go ka swa bontlhanngwe jwa rona, ga ba ne ba re kgathalela. Mme wena o lekana le dikete di le some tsa rona. Ke ka moo go leng botoka, fa o ka iketleetsa go re thusa o le kwa motseng.” Kgosi ya ba araba ya re: “Tse lo bonang di siame ke tla di dira.” Jaanong kgosi ya ema fa thoko ga kgoro, mme batlhabani botlhe ba bolola ka ditlhopha tsa makgolo le dikete. Mme kgosi ya laela Joabe le Abisai le Ithai ya re: “Rekegelang lekau Abesalomo ka ntlha ya me.” Batho botlhe ba utlwa kgosi e laela balaodi botlhe ka ga Abesalomo. Jaanong batlhabani ba bololela kwa nageng go kgatlhantsha Baiseraele, mme ntwa ya lwela mo sekgweng sa Eferaime. Teng koo Baiseraele ba fenngwa ke batlhanka ba ga Dafita, ga nna polao e kgolo teng ka letsatsi leo, ga bolawa banna ba le dikete tse di soma mabedi. Tlhabano ya nna ya anama mo nageng yotlhe eo, mme ba bantsi ba swela mo sekgweng go feta ba ba bolailweng ka tšhaka ka letsatsi leo. Mme Abesalomo a rakana le batlhanka ba ga Dafita, a palame moulwe, mme moulwe wa huhumela ka fa tlase ga mongana o mogolo o o raraanyeng, mme tlhogo ya gagwe ya tshwarwa ke mongana, a lepelela fa gare ga legodimo le lefatshe. Moulwe o a neng a o palame wa fetela pele. Ya re monna mongwe a bona jalo, a bolelela Joabe a re: “Bona, ke bonye Abesalomo a lepeletse mo monganeng.” Joabe a fetola monna yo o mmolelelang a re: “Jaanong fa o mmonye jalo, ke ka ntlha ya eng fa o se ka wa mo digela fa fatshe, wa mmolaela teng foo? Nka bo ke go naya diselefera di le some le moitlamo o le mongwe.” Mme monna yoo a raya Joabe a re: “Le fa nka bo ke filwe diselefera di le sekete mo diatleng, nka bo ke sa ntshetsa morwa kgosi letsogo; gonne kgosi e laetse wena le Abisai le Ithai mo ditsebeng tsa rona ya re: ‘Ntlhokomeleleng lekau Abesalomo.’ Gongwe fa nka bo ke mmolaile ka bolotsana, le wena o ka bo o ntswa; kana ga go na sepe se se ka lobelwang kgosi.” Mme Joabe a re: “O se ka wa ntia ka tseo.” Ke fa a tsaya marumo a le mararo ka seatla, a ya a phololetsa pelo ya ga Abesalomo ka ona, a ntse a phela a akgega mo monganeng. Jaanong makau a le some a a rweleng dibolai tsa ga Joabe a dikanyetsa Abesalomo a mo itaya a mo feleletsa. Ya baa gona Joabe a letsang lonaka, mme batlhabani ba boa ba khutla go latelela Baiseraele; gonne Joabe o ne a rata go rekegela batho. Ba tla ba tsaya Abesalomo, ba mo latlhela mo mosimeng o mogolo o o mo sekgweng, ba mo katela ka mokoa o mogolo thata wa majwe, mme Baiseraele botlhe ba tshaba, mongwe le mongwe a ya kwa lapeng la gagwe. E ne e kile ya re Abesalomo a sa ntse a phela a tsaya lefika le le motloutlo, a le itlhomela, ka a ne a re: “Ga ke na morwa go ka gopotsa batho leina la me. Ke le le mo Lebaleng la Kgosi.” Mme a bitsa lefika le le motloutlo leo ka leina la gagwe. Le bidiwa segopotso sa ga Abesalomo le kajeno. Mme Ahimaase morwa Satoke a re: “Nte ke taboge, ke begele kgosi mafoko a a thabisang a go re: ‘Morena o e diretse tshiamo, a e golola mo babeng ba yona.’ ” Fela Joabe a mo raya a re: “Ga se wena yo o ka isang mafoko a boitumelo kajeno; o tla a isa ka letsatsi le lengwe, mme kajeno ga o ne o a isa. Kana morwa kgosi ga a tlhole a phela.” Ke fa Joabe a raya monna wa Moethiopia a re: “Yaa o begele kgosi tse ò di bonyeng.” Moethiopia a ikobela Joabe a ba a siana. Ahimaase morwa Satoke a ba a raya Joabe gape a re: “Le fa go ka dirafala eng, nte ke taboge le nna, ke latelele Moethiopia!” Joabe a botsa a re: “O tabogelang, morwaaka? Kana ga go na tuelo ya morongwi e o ka e bonang.” Ahimaase a ba a re: “Le fa go ka dirafala eng, ke rata go siana.” A mo araba a re: “Taboga he!” Ahimaase a taboga ka tsela ya Lebala la Joretane, a sia Moethiopia. Mme Dafita a ntse fa gare ga kgoro ya ka fa ntle le ya ka fa teng. Ke fa molebedi a palamela kwa godimo ga ditlhomeso tsa kgoro, a ya kwa loboteng, a tsholetsa matlho a leba, a bona monna a tla a tabogile a le esi. Ke fa molebedi a kua a itsise kgosi. Kgosi ya re: “Fa a le esi fela, go mafoko a boitumelo mo molomong wa gagwe.” Ya re a ntse a atamela, molebedi a bona monna yo mongwe gape a tla a tabogile, mme molebedi a kuela kwa kgorong a re: “Monna yo mongwe gape ke yole, o tla a tabogile a le esi.” Kgosi ya re: “Le ene o tlisa mafoko a boitumelo.” Molebedi a ba a re: “Ke bona tabogo ya wa ntlha e tshwana le tabogo ya ga Ahimaase morwa Satoke.” Kgosi ya re: “Ke monna yo o molemo; o e tla go tlisa mafoko a boitumelo.” Mme Ahimaase a tlhaeletsa, a raya kgosi a re: “Kagiso!” A ba a ikobela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga kgosi a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa gago, o o neetseng banna bale mo diatleng tsa gago ba ba neng ba tsholeditse mabogo go tsogela kgosi morena wa me!” Ke fa kgosi e botsa e re: “A lekau Abesalomo o phela sentle?” Ahimaase a araba a re: “E rile Joabe motlhanka wa kgosi a roma motlhanka wa gago, ka bona khuduego ya bontsi, mme ga ke itse gore e ne e le eng.” Jaanong kgosi ya re: “Suta o eme fa.” Ya re a suta a ema teng, ga fitlha Moethiopia. Mme Moethiopia a re: “A kgosi mong wa me a thabisiwe ka mafoko a a reng: ‘Morena o go diretse tshiamo kajeno, a go golola mo diatleng tsa botlhe ba ba neng ba go tsogetse.’ ” Mme kgosi ya botsa Moethiopia ya re: “A lekau Abesalomo o phela sentle?” Moethiopia a re: “A baba ba kgosi mong wa me le botlhe ba ba go tsogetseng go dira bosula ba nne jaaka lekau leo!” Ke fa kgosi e huduega e tlhatlogela kwa ntlwaneng e e okameng kgoro, e lela; ya re e ntse e tsamaya, ya bua ya re: “Morwaaka Abesalomo, morwaaka, morwaaka Abesalomo! Ijoo! Ke ne ke sa sweleng boemong jwa gago! Abesalomo, morwaaka, morwaaka!” Jaanong ya re go begelwa Joabe go twe: “Bona, kgosi e a lela, e hutsafaletse Abesalomo,” phenyo ya fetogela morafe otlhe bohutsana ka letsatsi leo; gonne batho botlhe ba ne ba utlwile ka letsatsi leo ga twe: “Kgosi e mo botlhokong ka ntlha ya morwaa-yona.” Ka moo ka letsatsi leo batho ba tsena mo motseng ka tidimalo jaaka batho ba ba tlhajwang ke ditlhong ba tla ka tidimalo, fa ba tshabile mo tlhabanong. Kgosi e ne e ipipile sefatlhego, e goa ka lentswe le legolo e re: “Morwaaka Abesalomo! Abesalomo, morwaaka, morwaaka!” Mme Joabe a tsena kwa kgosing e le mo ntlong, a e raya a re: “Kajeno o tlhabisitse batlhanka botlhe ba gago ditlhong, ba kajeno ba pholositseng bophelo jwa gago le maphelo a bomorwao le a bomorwadio le maphelo a basadi ba gago le maphelo a bagadingwana ba gago ka go rata ba ba go tlhoileng le ka go tlhoa ba ba go ratang. Gonne o lemositse kajeno, fa o sa re sepe ka balaodi le batlhanka; gonne ke lemogile kajeno gore, fa Abesalomo a ka bo a phela, mme rona rotlhe re sule kajeno go ka bo go siame mo matlhong a gago. Jaanong he, tsoga o tswe, o bue le batlhanka ba gago tse di gomotsang pelo. Gonne ke ikana ka Morena ke re: Fa o sa tswe, ga go kitla go lala ope nao bosigo jo. Seo se e tla bo e le tatlhego mo go wena e e fetang ditatlhego tsotlhe tse di go dirafaletseng go tswa bonyaneng jwa gago go fitlha jaanong.” Ya baa gona kgosi e tsogang, ya nna mo kgorong, mme batho botlhe ba begelwa ga twe: “Bonang, kgosi e ntse mo kgorong.” Ke fa batho botlhe ba tla fa pele ga kgosi. Jaanong e rile mongwe le mongwe wa Baiseraele a sena go tshabela kwa tenteng ya gagwe, batho botlhe ba inyatsa mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ba re: “Kgosi e re golotse mo diatleng tsa baba ba rona; ke yona e e re pholositseng mo diatleng tsa Bafelesita. Mme jaanong e tshabile Abesalomo, ya tloga mo lefatsheng. Fa e le Abesalomo yo re neng re mo tloditse go nna kgosi ya rona, o swetse mo tlhabanong. Jaanong he, ke ka ntlha ya eng fa lo itulela fela, lo sa busetse kgosi bogosing?” Mme kgosi Dafita a roma motho kwa baperesiting kwa go Satoke le Abjathare a re: “Buang le bagolo ba Juta lo re: ‘Ke ka ntlha ya eng fa lo le ba bofelo mo go ba ba busetsang kgosi kwa ntlong ya yona? Kana puo ya Baiseraele botlhe e ne e fitlhile kwa kgosing mo lapeng la yona. Lo bana ba ga rre; re tsetswe mmogo, re madi a le mangwe. Ke ka ntlha ya eng fa lo le ba bofelo mo go ba ba busang kgosi?’ Fa e le Amasa, lo mo ree lo re: ‘A ga re a tsalwa mmogo, ra nna madi a le mangwe! A Modimo o mpetse, o be o nkokeletse, fa ke sa go dire molaodi wa mephato ka malatsi otlhe boemong jwa ga Joabe.’ ” Dafita a ithatisa banna botlhe ba Juta ka go bua jalo, ba nna seopo sengwe, ba roma kwa kgosing ba re: “Boa, wena le batlhanka botlhe ba gago.” Jaanong kgosi ya boa, ya fitlha kwa Joretane, mme Bajuta ba tla kwa Gilegala, ba ya go kgatlhantsha kgosi le go tshedisa kgosi Joretane. Le Simei morwa Gera wa Mobenyamene wa Bahurime a itlhaganela, a fologa le banna ba Juta go kgatlhantsha kgosi Dafita a na le banna ba le sekete ba Babenyamene le Siba motlhanka wa lapa la ga Saule le bomorwawe ba le 15 le batlhanka ba gagwe ba le 20: Bone bao ba ya kwa Joretane ka pele, ba raka kgosi. Ba tshela mo letsibogong gore ba tshedise ba lapa la kgosi ka mokoro le go dira tse di e kgatlhang. Mme ya re kgosi e re e tshela Joretane, Simei morwa Gera, a wela fa fatshe fa pele ga yona, a raya kgosi a re: “A mong wa me a se ka a nkhutela pelo ka molato wa me, mme o se ka wa gopola se motlhanka wa gago o go leofetseng ka sona ka letsatsi le kgosi mong wa me o duleng kwa Jerusalema ka lone. A kgosi e se ka ya se ela tlhoko. Kana motlhanka wa gago o a itse gore o leofile. Fela bona, kajeno ke tlile ke le wa ntlha wa lotso lotlhe lwa ga Josefa go tla go kgatlhantsha kgosi mong wa me.” Mme Abisai morwa Seruya a ganetsa a re: “A Simei ga a tshwanela go bolawa ka ntlha ya gore o tlhapaditse Motlodiwa wa Morena?” Mme Dafita a re: “Ga ke na sepe le tseo tsa lona bomorwa Seruya, mo lo bileng lwa mphetogela boSatane kajeno? A kajeno go ka bolawa motho mo Iseraeleng? Kana jaanong ke a itse gore ke kgosi ya Iseraele.” Mme kgosi ya raya Simei ya re: “Ga o ne o swa.” Ya ba ya mo ikanela jalo. Mefibosethe morwa Jonathane morwa Saule le ene o ne a tlile go kgatlhantsha kgosi. Mme fa e sa le ka letsatsi le kgosi e tlogileng ka lone go fitlha letsatsing le e tsileng ka lone ka kagiso a ise a ke a tlhape maoto le e seng go ipeola ditedu le e seng go tlhatswa diaparo tsa gagwe. Jaanong ya re a tswa kwa Jerusalema go kgatlhantsha kgosi, kgosi ya mmotsa ya re: “Ke ka ntlha ya eng fa o se ka wa ya le nna, Mefibosethe?” A araba a re: “Kgosi mong wa me, motlhanka wa me o ntsieditse. Gonne nna motlhanka wa gago ke ne ke re: ‘Ke rata go ipelesetsa esele, ke e palame, ke ya kwa kgosing – kana nna motlhanka wa gago ke segole.’ Mme Siba a ya a senya motlhanka wa gago leina fa pele ga kgosi, mong wa me. Mme kgosi, mong wa me, o tshwana le moengele wa Modimo. Dira tse o bonang di go siametse. Gonne botlhe ba lelapa la ga rre e ne e se ba sepe, e le batho ba ba tshwanetseng go bolawa fa pele ga kgosi mong wa me, mme o beile motlhanka wa gago mo go ba ba jelang fa tafoleng ya gago. Jaanong ke sa ntse ke na le tshiamelo efe, gongwe nka goelang gape mo kgosing?” Kgosi ya mo raya ya re: “Kana o sa buelang ka ga dilo tsa gago! Ka re: Wena le Siba lo kgaogane naga.” Mefibosethe a araba kgosi a re: “A a e tsee yotlhe, ka kgosi mong wa me a tlile mo gae ka kagiso.” Le Baresilai wa Gileate o ne a tlogile kwa Rogelime, a ile le kgosi kwa Joretane go e tshedisa Joretane. Baresilai o ne a tsofetse thata, a le dinyaga di le 80. Ke ene yo o neng a babalela kgosi fa e ntse e le kwa Mahanaime; gonne e ne e le monna yo o humileng thata. Kgosi ya raya Baresilai ya re: “Tshela le nna, ke tla go babalela fa go nna kwa Jerusalema.” Mme Baresilai a fetola kgosi a re: “Ke saletswe ke malatsi a le kae a bophelo jwa me, mo nka tlhatlogelang le kgosi kwa Jerusalema? Ke na le dinyaga di le 80 kajeno. A nka farologanya molemo le bosula? Gongwe a nna motlhanka wa gago nka utlwa monate wa se ke se jang le se ke se nwang? Gongwe a ke sa ntse ke ka utlwa mantswe a baopedi ba banna le ba basadi? Ke ka ntlha ya eng fa motlhanka wa gago a sa ntse a ka imela kgosi mongwame? Motlhanka wa gago o ka tshela Joretane go le gonnye fela go felegetsa kgosi. Kgosi e rata go mpuseletsang tebogo e e kalo? A ko o ntetlelele nna motlhanka wa gago ke boe, ke swele kwa motseng wa ga etsho fa phupung ya ga rre le mme. Kimehame motlhanka wa gago ke yo; a a tsamae le kgosi mongwame, mme o mo direle ka fa o ratang ka teng.” Kgosi ya re: “Go siame, Kimehame o tla tsamaya le nna. Ke tla mo direla tse di go kgatlhang, mme sengwe le sengwe se o se batlang mo go nna ke tla se go direla.” Jaanong batho botlhe ba tshela Joretane, le kgosi ya tshela. Kgosi ya ba ya atla Baresilai ya mo tsamaisa sentle, mme a boela kwa ga gabo. Kgosi ya fetela kwa Gilegala, mme Kimehame a ya nae. Batho botlhe ba Juta ba tsamaya le kgosi le bontlhanngwe jwa batho ba Iseraele. Jaanong ga tla banna botlhe ba Iseraele kwa kgosing, ba raya kgosi ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa ba ga etsho banna ba Juta ba go utswile, ba tshedisa kgosi Joretane le ba lapa la yona le banna botlhe ba yona.” Ke fa banna botlhe ba Juta ba fetola banna ba Iseraele ba re: “Kana kgosi ke ya losika lwa rona. Mme ke eng, fa lo tuka bogale ka lebaka la selo se? A lo a re re jele tse di tswang kwa kgosing gongwe re filwe dineo?” Mme banna ba Iseraele ba fetola banna ba Juta ba re: “Rona re na le dikabelo di le some mo kgosing. Le Dafita o re tshwanetse bogolo go lona. Lo re nyaletsang? A ga se rona re buileng pele ra re: ‘A re buseng kgosi ya rona’?” Mme mafoko a banna ba Juta a ne a le bokete, a fekeetsa a banna ba Iseraele. Mme ka sebaka sa kgang eo go ne go le monna wa sesenyi teng, leina la gagwe e le Seba morwa Bigeri wa Mobenyamene. Ene a letsa lonaka a re: “Ga re na kabelo mo go Dafita, ga re na boswa mo go morwa Isai. A mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe, lona Baiseraele!” Ke fa banna botlhe ba Iseraele ba ya nae, ba tlhanogela Dafita ba latela Seba morwa Bigeri, mme banna ba Juta ba ngaparela kgosi ya bone, ba ya nayo go tswa kwa Joretane go fitlha kwa Jerusalema. E rile Dafita a fitlha kwa lapeng la gagwe kwa Jerusalema, kgosi ya tsaya basadi ba le some ba bagadingwana ba e neng e ba tlogetse go disa ntlo, ya ba tsenya mo ntlong e e disitsweng, ya ba tlamela teng, mme ya se ka ya tsena kwa go bone. Ba bo ba tswaletswe jalo go fitlha letsatsing la loso lwa bone, ba dirwa jaaka batlholagadi bophelong jotlhe jwa bone. Jaanong kgosi ya laela Amasa ya re: “Kua banna ba Juta, ba tle go nna malatsi a le mararo a ise a fete; le wena o nne teng fa ka nako eo.” Amasa a ya go kua Bajuta, mme a diega a siwa ke nako e a e beetsweng. Ke fa Dafita a raya Abisai a re: “Jaanong Seba morwa Bigeri o tla re direla bosula bogolo go Abesalomo. Wena tsaya batlhanka ba morena wa gago, o mo latele, e se re gongwe a iponela metse e e femetsweng, a timelela matlho a rona.” Ba bolola ba mo sala morago, e bong banna ba ga Joabe le Bakerethi le Baphelethe le bagale botlhe; ba bolola kwa Jerusalema go latelela Seba morwa Bigeri. Ya re ba le kwa letlapeng le legolo le le kwa Gibeone, Amasa a tla a rakana nabo. Mme Joabe o ne a tlamile tšhaka mo diaparong tsa tlhabano tsa gagwe; ka fa ntle ga tsona go le moitlamo wa tšhaka e bofeletswe mo dinokeng tsa gagwe e le mo kgatleng ya yona, mme ya re Joabe a ntse a tsamaya, ya wa. Ke fa Joabe a dumedisa Amasa a re: “A o phela sentle, ngwana wa ga rra?” Joabe a ba a tshwara ditedu tsa ga Amasa ka seatla se se jang go mo atla. Mme Amasa a se ka a itisa mo tšhakeng e e mo seatleng sa molema sa ga Joabe, mme ene a mo gagola ka yona mo mpeng, a goromeletsa mala a gagwe fa fatshe, mo a bileng a swa, mme a se ka a mo tlhaba la bobedi. Morago ga moo Joabe le Abisai monnawe ba khutšhela Seba morwa Bigeri. Monna mongwe wa batlhanka ba ga Joabe a ema fa go ene Amasa a re: “Yo o ratang Joabe le yo e leng wa ga Dafita a a sale Joabe morago.” Mme Amasa o ne a namaletse fa gare ga tsela e kgolo, a bidikame mo mading. Jaanong ya re monna yoo a bona banna botlhe ba ema, a tlosa Amasa mo tseleng e kgolo, a mo gogela kwa nageng, a mo khurumetsa ka kobo ka a bonye mongwe le mongwe yo o fetang fa go ene a ema. Mme ya re a sena go tlosiwa mo tseleng e kgolo, banna botlhe ba sala Joabe morago go khutšhela Seba morwa Bigeri. Seba ene a ralala ditso tsotlhe tsa Iseraele go fitlha kwa Abele-Bethe-Maaga, mme Babigeri botlhe ba phuthega ba mo sala morago. Mme Joabe le ba ba nang nae ba fitlha ba mo dikanyetsa ka ntwa kwa Abele-Bethe-Maaga, ba tshela mmu ka fa ntle ga motse, wa fitlha mo godimo ga lobota ntlheng ya ka fa ntle; mme banna botlhe ba ba nang le Joabe ba nna ba epolola lobota gore ba lo dige. Ke fa mosadi yo o tlhalefileng a bitsa a le mo loboteng lwa motse a re: “Utlwang! Utlwang! A ko lo ree Joabe, a atamele kwano, ke rata go bua nae.” Ya re a atamela kwa go ene, mosadi a botsa a re: “A ke wena Joabe?” A araba a re: “Ke nna.” Jaanong mosadi a mo raya a re: “Utlwa mafoko a lelata la gago.” Joabe a re: “Ke reeditse.” Mosadi a re: “Bogologolo ba ne ba tle ba bue ba re: ‘A ba kope kgakololo kwa Abele!’ Ba khutlisa kgang jalo. Rona re ba ba agisang ba ba ikanyegang mo Iseraeleng. Jaanong wena o batla go bolaya motse o e leng mmametse mo Iseraeleng. Ke ka ntlha ya eng fa o senya boswa jwa Morena?” Joabe a fetola a re: “Go kgakala-kgakala le nna. Ga ke a tla go senya le e seng go nyeletsa. Ga go a nna jalo, mme monna wa kwa dithabeng tsa Eferaime, leina la gagwe ke Seba morwa Bigeri, ene o tsholeleditse kgosi Dafita letsogo. Mo ntsheng a le esi. Foo ke tla tsamaya ke tlogela motse.” Mosadi a raya Joabe a re: “Bona, tlhogo ya gagwe e tla akofa e latlhelwa kwa go wena ka fa ntle ga lobota.” Ke fa mosadi a tsena mo motseng, a bua le batho botlhe ka botlhale jwa gagwe, mme ba kgaola Seba morwa Bigeri tlhogo, ba e latlhela kwa go Joabe. Jaanong Joabe a letsa lonaka, mme batlhabani ba phatlalala ba tlogela motse, mongwe le mongwe a ya kwa lapeng la gagwe. Joabe ene a boela kwa Jerusalema kwa kgosing. Joabe e ne e le molaodi wa mephato yotlhe ya Iseraele. Benaya morwa Joyata e ne e le molaodi wa Bakerethi le wa Baphelethe. Atorame o ne a laola badiri ba mekuio. Josafate morwa Ahilote e ne e le seatla sa kgosi. Seya e ne e le mokwaledi, Satoke le Abjathare e le baperesiti. Le Ira wa Jaire e ne e le moperesiti wa ga Dafita. Go kile ga bo go le tlala mo malatsing a ga Dafita dinyaga di le tharo tse di tlhomaganyeng. Jaanong ya re Dafita a botsa Morena, Morena a re: “Go na le molato wa madi mo go Saule le ba lapa la gagwe; ka gonne o bolaile Bagibeone.” Ke fa kgosi e bitsa Bagibeone, e ba botsa – kana Bagibeone e ne e se Baiseraele, mme e le masalela a Baamori. (Jaanong le fa Baiseraele ba ne ba ba ikanetse go ba rekegela, Saule o ne a ntse a ba bolaya ka go tlhoafalela Baiseraele le Bajuta.) Dafita a botsa Bagibeone a re: “Nka lo direlang, nka dira thuanyo ka eng gore lo tshegofatse boswa jwa Morena?” Bagibeone ba mo araba ba re: “Ga re batle selefera le gouta mo go Saule le mo go ba lapa la gagwe; le gona ga go a re tshwanela go bolaya motho mo Iseraeleng.” A ba a ba botsa a re: “Lona lo a reng, ke lo direle eng?” Ba araba kgosi ba re: “Monna yole yo o re feditseng, a re logela maano a go re nyeletsa gore re se ka ra tlhola re nna teng mo nageng yotlhe ya Iseraele, a re neelwe banna ba supa ba e leng bana ba gagwe gore re ba pegele Morena kwa Gibea wa ga Saule motlhophiwa wa Morena.” Kgosi ya re: “Ke tla ba lo neela.” Mme kgosi ya rekegela Mefibosethe morwa Jonathane morwa Saule ka ntlha ya maikano a Morena a a neng a le fa gare ga bone, fa gare ga Dafita le Jonathane morwa Saule. Fela bomorwa ba babedi ba ga Ritsepha morwadia Aya ba a ba tshotseng le Saule, e bong Aremoni le Mefibosethe le bomorwa ba batlhano ba ga Merabe morwadia Saule ba a ba tshotseng le Ateriele morwa Baresilai wa Mehola, kgosi ya ba tsaya, ya ba neela mo diatleng tsa Bagibeone, mme ba ba kaletsa mo thabeng fa pele ga Morena, ba swa mmogo ka bosupa jwa bone. Ba bolawa mo malatsing a ntlha a thobo mo tshimologong ya kotulo ya garase. Ke fa Ritsepha morwadia Aya a tsaya lesela la khutsafalo, a le ikalela mo letlapeng, e le ka tshimologo ya kotulo go ya go fitlhelela pula e e tswang kwa legodimong ya kgogolamoko e ba na; a se ka a leseletsa dinonyane tsa loapi go nna mo go bone motshegare le e seng dibata tsa naga bosigo. E rile Dafita a begelwa se Ritsepha morwadi Aya mogadingwana wa ga Saule a se dirileng, Dafita a ya a tsaya marapo a ga Saule le Jonathane morwawe kwa go beng ba motse wa Jabese kwa Gileate, a ditoto tse ba neng ba di utswa kwa loboteng lwa Betšheane kwa Bafelesita ba neng ba di pegile teng ka letsatsi le Bafelesita ba fentseng Saule ka lone kwa Gileboa; a tlhatlosa marapo a ga Saule le Jonathane morwawe go tswa teng; le gona ba phutha marapo a bone bale ba ba kaleditsweng, ba a fitlha mmogo le marapo a ga Saule le Jonathane morwawe mo nageng ya Benyamene kwa Sela mo mabitleng a ga Khiše rraagwe. Ba dira tsotlhe tse kgosi e di ba laetseng. Morago ga moo Modimo wa tlhomogela lefatshe leo pelo. Go kile ga nna ntwa gape ya Bafelesita le Baiseraele. Ke fa Dafita a bolola le batlhanka ba gagwe nae, ba tlhabana le Bafelesita, mme Dafita a lapa. Ke fa Išebi-Benobe mongwe wa mekaloba a re o bolaya Dafita. Bokete jwa lerumo la gagwe e ne e le dišekele di le 300 tsa kgotlho, a tlamilwe ka tšhaka e ntšhwa. Mme Abisai morwa Seruya a mo thusa, a fenya Mofelesita yoo a mmolaya. Foo banna ba ga Dafita ba ikanela Dafita ba re: “Ga o kitla o tlhola o bolola le rona go ya tlhabanong, e se re gongwe wa tima lobone lwa Iseraele.” Morago ga moo ga tsoga ntwa gape kwa Gobe le Bafelesita. Foo Sibegai wa Mohuša a bolaya Safe yo e neng e le mokaloba. Ga ba ga tlhabanwa gape le Bafelesita kwa Gobe. Ke fa Elehanane morwa Jaire wa Betleheme a bolaya Goliathe wa Gathe yo lore lwa lerumo la gagwe lo neng lo le kana ka tlhomeso. Ga ba ga lowa ntwa gape kwa Gathe. Teng go ne go le monna yo moleele thata, a na le menwana e merataro mo diatleng tsoo pedi le menwana e merataro mo dinaong tsoo pedi, mmogo e le menwana e le 24. Le ene e ne e le mokaloba. Mme ya re a kgoba Iseraele, a bolawa ke Jonathane morwa Simei mogoloa Dafita. Ba bane bao e ne e le ba losika lwa mekaloba kwa Gathe, mme ba bolawa ke Dafita le ke batlhanka ba gagwe. Dafita o ne a tumisa Morena ka mafoko a sefela se ka letsatsi le Morena o neng a mo pholositse ka lone mo diatleng tsa baba botlhe ba gagwe le tsa ga Saule a re: Morena ke lefika la me le kago ya phemelo ya me le mopholosi wa me. Modimo wa me ke lefika la phemelo ya me, ke tla tshabela kwa go ona; ke thebe ya me le lonaka lwa pholoso ya me le kago ya phemelo ya me le botshabelo jwa me le mothusi wa me, o nkgolola mo kgatelelong. E ne ya e re fa ke bitsa Morena yo o bakwang, ke gololwe mo babeng ba me. Gonne merwalela ya loso e ne e ntikanyeditse; dinoka tsa tatlhego tsa ntshosa. Megala ya felo ga baswi e ne e ntsentse gare; diru tsa loso tsa nkwela. Ya re ke le tlalelong, ka bitsa Morena, ka ba ka tlhaeleletsa Modimong wa me; mme wa utlwa lentswe la me o le mo Tempeleng ya ona; tlhaeletso ya me ya tsena mo ditsebeng tsa ona. Ga reketla, ga roroma lefatshe; metheo ya legodimo ya tetesela ya reketla, ka o ne o tuka bogale. Dinko tsa ona tsa kua musi, molelo o o jang wa tswa mo molomong wa ona; magala a a tukang a tswa mo go ona. Wa sekamisa legodimo wa fologa; bontsho bo le fa tlase ga dinao tsa ona. O ne o palame Kerubime, o fofa; o kala o le mo diphukeng tsa phefo. Wa itikanyetsa ka lefifi go nna maobo a ona; e ne e le bontsho jwa maru a a kwenneng. Magala a molelo a tuka, a tswa phatsimong e e fa pele ga ona. Morena a dumisa maru a le kwa legodimong; Mogodimodimo a utlwatsa lentswe la gagwe; a thuntsha metsu, a phatlalatsa baba; a rathisa tladi, a ba tshosa. Ke fa mateng a lewatle a bonala le metheo ya lefatshe e senolwa ka go kgalemela ga Morena le ka pudulo ya mowa wa nko ya gagwe. A ntsha letsogo a le kwa godimo, a ntshwara; a nkinola mo metsing a magolo. A mpholosa mo babeng ba me ba ba thata; mo go ba ba ntlhoileng, gonne ba ne ba le thata bogolo go nna. Ba ne ba nkwela ka letsatsi la tatlhego ya me, mme Morena a nna seitsetsepelo sa me. A nntshetsa kwa go atlhameng, a nkgolola, ka gonne ke a mo kgatlha. Morena a ntuela ka fa tshiamong ya me, a mpusetsa ka fa boitshekong jwa diatla tsa me. Gonne ke tshegeditse ditsela tsa Morena, mme ga ke a ka ka ikepa mo Modimong wa me. Gonne tsotlhe tse di siameng fa pele ga ona ke ntse ke di tlhokomela; le ditaolo tsa ona ga ke a fapoga mo go tsona. Ka bo ke siame fa pele ga ona, ka itisa gore ke se nne molato. Ke ka moo Morena a mpuseditseng ka fa tshiamong ya me le ka fa boitshekong jwa me fa pele ga matlho a gagwe. O itshupa o le bopelotlhomogi mo go yo o tlhomogang pelo; o itshupa o le tlhamalalo mo monneng yo o tlhamaletseng. O itshupa o le phepa mo go yo o phepa, mme mo molotsaneng o itshupa o le kgopo. O thusa batho ba ba gateletsweng, mme matlho a gago a galefela ba ba ikgodisang; o a ba kokobetsa. Gonne wena o lobone lwa me, Morena; mme Morena o sedimosa lefifi la me. Gonne ke tlhasela lesomo la baba ka wena; ke tlola lobota ka Modimo wa me. Tsela ya Modimo oo e itekanetse; lefoko la Morena le itshekile. Ke ene thebe ya botlhe ba ba tshabelang kwa go ene. Gonne ke mang yo e leng Modimo kwa ntle ga Morena? Gape ke mang yo e leng lefika kwa ntle ga Modimo wa rona? Modimo oo ke kago ya phemelo e e thata ya me; o tsamaisa yo o itekanetseng mo tseleng ya ona. Ke ona o o dirang dinao tsa me jaaka tsa phele; o nkemisa mo mafelong a a godimo. Ke ona o o rutang diatla tsa me go tlhabana le mabogo a me go gagamatsa bora jwa kgotlho. O bile o nneile thebe ya pholoso ya gago; go ikinamisa ga gago go ntira mogolo. O atlhamolositse kgato ya me fa tlase ga me; mangenana a me ga a ka a temeka. Ke lateletse baba ba me, ka ba fetsa; ka se ka ka boa ke ise ke ba nyeletse. Ruri, ka ba nyeletsa, ka ba remaganya, mo ba se kang ba tlhola ba tsoga, mme ba wela fa tlase ga dinao tsa me. O ntlamile ka thata go ka tlhabana; wa khubamisa ba ba ntsogetseng fa tlase ga me. O tshabisitse baba ba me gore ba nkhularele; ba ba ntlhoileng ka ba nyeletsa. Ba šebašeba go batla thuso, mme go se na mothusi; ba tlhaeleletsa kwa Moreneng, mme a se ka a ba araba. Ka ba gatlampola jaaka lerole la lefatshe, ka ba phatlakanya jaaka seretse sa mebila, ka ba gataka. O mpholositse mo dintweng tsa morafe wa me, wa mpoloka go nna tlhogo ya merafe; batho ba ke neng ke sa ba itse ba ntirela. Bomorwa ditšhaba ba inneela ka go mpoifa; fela fa ba nkutlwela, ba tle go inkobela. Bomorwa ditšhaba ba a koafala; ba tswa mo maiphitlhong a bone, ba tetesela. Morena o a phela. A go bakwe ene lefika la me! A go godisiwe Modimo o e leng lefika la pholoso ya me; ona Modimo o o nnayang pusoloso, o o digelang merafe kwa tlase ga me o o nntshang mo babeng ba me. Wena o nkgodisetsa ba ba ntsogelang; o nkgolola mo monneng yo o setlhogo. Ka moo ke tla go baka, Morena, mo merafeng, ke opelela leina la gago; wena yo o nayang kgosi e o e tlhomileng pholoso e kgolo, o direla motlodiwa wa gago ka bopelotlhomogi, e bong Dafita le losika lwa gagwe ka bosakhutleng. Mafoko a bofelo a ga Dafita ke a; go bua Dafita morwa Isai, go bua monna yo o beilweng kwa godimo ke Motlodiwa wa Modimo wa ga Jakobe moopedi yo o ratwang wa difela tsa Iseraele, a re: Mowa wa Morena o buile ka nna; lefoko la gagwe le mo lolemeng lwa me. Go buile Modimo wa Iseraele, go ntheile Lefika la Iseraele a re: Yo o busang batho ka tshiamo, yo o busang ka poifo-Modimo o tshwana le lesedi la moso, e le moso o o se nang maru, fa letsatsi le tlhaba le le medisang botala jo bonana mo lefatsheng morago ga pula. A lelapa la me ga le a nna jalo fa pele ga Modimo? Kana o dirile kgolagano e e sa khutleng le nna e e rulagantsweng gotlhe, e e bolokwang. Pholoso yotlhe ya me le tsotlhe tse di nkgatlhang, ruri o tla di tlhogisa. Mme disenyi tsotlhe di tshwana fela le mitlwa e e latlhwang; gonne ga e tshwarwe ka diatla. Ga e angwe ke ope fa e se ka selepe le ka ngakale. Mme e tla fisiwa yotlhe ka molelo teng foo. Maina a bagale ba ga Dafita ke a: Išebaale wa Hagemoni, tlhogo ya ba bararo; o kile a kgadikanya lerumo la gagwe godimo ga ba le 800 ba ba bolailweng ka nako e le nngwe. Yo o tlhomaganang nae mo bagaleng ba bararo fa go Dafita e ne e le Eleasare morwa Doto morwa Ahohi. E rile ba kgoba Bafelesita ba ba neng ba phuthegile teng go tlhabana, mme banna ba Iseraele ba tshaba, ene a ema a bolaya Bafelesita ga tsamaya seatla sa gagwe sa ba sa lapa, mme seatla sa gagwe sa kgomarela mo tšhakeng, mo Morena o bileng a dira phenyo e kgolo ka letsatsi leo. Banna ba ba neng ba mo hularetse ba boa go thukhutha fela. A tlhomagannwa ke Sama morwa Agee wa Harari. Bafelesita ba kile ba phuthegela kwa Legi; teng go ne go le tshimo e e tletseng lotlhodi. Mme ya re banna ba tshaba Bafelesita, ene a ikemisa mo gare ga tshimo eo, a e amoga Bafelesita, a ba bolaya. Morena a dira phenyo e kgolo ka mokgwa oo. Ba bararo ba ditlhogo di le 30 tsa bagale ba kile ba theoga ba fitlha kwa go Dafita ka nako ya kotulo kwa logageng lwa Adulame. Lesomo la Bafelesita le ne le thibeletse mo molapong wa Refaime. Ka nako eo Dafita o ne a le kwa thabeng e e femetsweng, mme setlhopha sa batlhabani ba Bafelesita se le kwa Betleheme. Foo Dafita o ne a kgalegile a re: “Ke mang yo o tla nnosang metsi a a tswang go gelelwa kwa mokweleng o o fa kgorong ya Betleheme?” Ke fa bagale ba bararo bao ba sutlhelela bothibelelo jwa Bafelesita, ba gelela metsi mo mokweleng o o fa kgorong ya Betleheme, ba a tsaya, ba a isa kwa go Dafita. Mme a gana go a nwa, a a tsholelela Morena a re: “A go nne kgakala le nna, Morena, go ka dira selo se. A nka nwa madi a banna ba ba ileng ba tsenya maphelo a bone mo kotsing?” Mme a gana go a nwa. Bagale ba bararo bao ba dirile jalo. Abisai monnaa Joabe morwa Seruya, e ne e le tlhogo ya ba bararo. O kile a kgadikanya lerumo la gagwe godimo ga ba ba 300 ba o neng a ba bolaya, mme o ne a tumile mo go ba bararo bao. O ne a tlotlegile bogolo go ba bararo bao, a tswa molaodi wa bone, mme a bo a sa lekane le ba bararo ba pele. Benaya morwa Joyata morwa monna wa senatla wa ditiro tse dikgolo wa kwa Kapsheele ene a bolaya bagale ba babedi ba Moabe. Gape ke ene yo o kileng a fologa a bolaela tau mo mokweleng ka letsatsi la semathana. E bile ke ene yo o neng a bolaya monna yo montle wa Moegepeto. Moegepeto yoo o ne a tshwere lerumo ka seatla, mme ene a mo wela ka thobane fela, a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto, a mmolaya ka lerumo la gagwe. Ke tse di dirilweng ke Benaya morwa Joyata. Mme a tuma mo bagaleng ba bararo. O ne a tlotlegile bogolo go ba ba 30, mme a bo a sa lekane le ba bararo. Mme Dafita a mmaya go nna molaodi wa bafemedi ba gagwe. Asahele monnaa Joabe e ne e le mongwe wa ba ba 30 le Elehanane morwa Doto wa Betleheme le Sama wa Harote le Eleka wa Harote le Helese wa Phelete le Ira morwa Ikese wa Thekoa le Abiesere wa Anathothe le Mebunai wa Huša le Salemone wa Ahohi le Maharai wa Netofa le Helebe morwa Baana wa Netofa le Ithai morwa Ribai wa Gibea wa Babenyamene le Benaya wa Phirathone le Hitai wa Nagale-Gaaše le Abi-Alebone wa Areba le Asemawethe wa Barehume le Eliaba wa Saalebone le Jašene wa Kuni le Jonathane morwa Sama wa Harari le Ahiame morwa Sarare wa Harari le Elifelete morwa Ahasebai wa Maaga le Eliame morwa Ahithofele wa Gilo le Hesero wa Karemele le Phaarai wa Arabe le Igale morwa Nathane wa Soba le Bani wa Gate le Seleke wa Moamone le Naharai wa Beerothe motshola-dibolai wa ga Joabe morwa Seruya le Ira wa Moithere le Garebe wa Moithere le Uria wa Mohethe. Botlhe ba ne ba le 37. Morena o kile a tukela Baiseraele bogale gape, a tlhotlheletsa Dafita go ba senyetsa a re: “Yaa o bale Baiseraele le Bajuta.” Ke fa kgosi e raya Joabe molaodi wa mephato yo o neng a na nayo e re: “A ko o ralale ditso tsotlhe tsa Iseraele go simolola kwa Dane go fitlha kwa Bereseba, lo bale morafe, ke tle ke itse palo ya one.” Mme Joabe a fetola kgosi a re: “A Morena, Modimo wa gago, o okeletse morafe ga lekgolo, le fa ba setse ba le kanakana, mme matlho a kgosi mong wa me a ba bone ka boitumelo. Mme ke ka ntlha ya eng fa kgosi mong wa me a kgatlhwa ke tiro e?” Fela taolo ya kgosi ya pateletsa Joabe le balaodi ba mephato. Joabe le balaodi ba mephato ba bolola jalo, ba romilwe ke kgosi go bala morafe wa Baiseraele. Ba tshela Joretane, ba thibelela kwa Aroere ntlheng ya le le jang la motse o o fa gare ga molapo wa Gate le go fitlha kwa Jasere. Ba feta ba ya kwa Gileate le kwa nageng ya Hoteši e e kwa tlase, ba be ba fitlha kwa Dane-Jaane le tikologong ya Sitone. Ba be ba fitlha kwa motseng o o femetsweng wa Tiro le kwa metseng yotlhe ya Bahewi le ya Bakanana, ba fetela pele ba fetsa kwa Bereseba nageng ya borwa ya Juta. Ba ralala naga yotlhe, mme ya re dikgwedi tse di le robongwe le malatsi a a 20 a sena go feta, ba goroga kwa Jerusalema. Ke fa Joabe a neela kgosi palo ya batho ba ba badilweng. Baiseraele ba e leng banna ba batlhabani ba ba somolang tšhaka ba ne ba le dikete di le 800, mme banna ba Juta ba le dikete di le 500. Mme e rile Dafita a sena go bala batho, a itewa ke letswalo. Ke fa Dafita a raya Morena a re: “Ke leofile thata ka se ke se dirileng. Mme jaanong, Morena, a ko o itshwarele molato wa motlhanka wa gago; gonne ke dirile bosilo jo bogolo.” Ya re Dafita a tsoga mo mosong, lefoko la Morena la bo le tsile kwa go Gate moporofeti, mosedisetsi wa ga Dafita, le re: “Yaa ò ree Dafita o re: ‘Morena o buile jaana a re: Ke baya dilo di le tharo fa pele ga gago. Itlhophele sengwe sa tsona gore ke se go direle.’ ” Mme Gate a tsena kwa go Dafita, a mo itsise jalo, a mmotsa a re: “A o rata gore go tle tlala ya dinyaga tse supa mo lefatsheng la gago? Gongwe a o rata go tshaba baba ba gago dikgwedi di le tharo bone ba ntse ba go khutšhetse? Gongwe a o rata gore go nne leroborobo mo lefatsheng la gago malatsi a le mararo? Jaanong akanya o bone karabo sentle e ke tla e busetsang ene yo o nthomileng.” Dafita a fetola Gate a re: “Ke tlaletswe thata. A bogolo re wele mo diatleng tsa Morena; gonne boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo bogolo; a ke se ka ka wela mo diatleng tsa batho.” Dafita a itlhophela leroborobo. Malatsi ao e ne e le a thobo ya mabele a sekgoa. Morena a ba a tlisa leroborobo mo Iseraeleng go simolola mo mosong go fitlha nakong e e beilweng. Ga swa batho ba morafe ba le dikete tse di 70 go tswa kwa Dane go fitlha kwa Bereseba. Jaanong ya re moengele a otlololela Jerusalema letsogo go mo senya, Morena a rebega bogale, mme a raya moengele yo o bolayang mo morafeng a re: “Go lekanye. Gonyetsa letsogo.” E ne e le fa moengele wa Morena a le fa seboaneng sa ga Arauna wa Mojebusi. Ya re Dafita a bona moengele a ntse a bolaya batho ba morafe, a raya Morena a re: “Kana ke nna ke leofileng, ke nna ke sentseng, mme dinku tse, di dirileng? A letsogo la gago le ke le betse nna le ba lapa la ga rre!” Ke fa Gate a tla kwa go Dafita ka letsatsi leo, a mo raya a re: “Tlhatloga o agele Morena aletare mo seboaneng sa ga Arauna wa Mojebusi.” Dafita a tlhatloga jalo ka fa lefokong la ga Gate jaaka Morena a laetse. Ya re Arauna a šebašeba, a bona kgosi le batlhanka ba yona ba tla kwa go ene, Arauna a tswa a ikobela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga kgosi. Arauna a botsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa kgosi mong wa me a etela motlhanka wa gagwe?” Dafita a re: “Ke tsile go reka seboana se mo go wena le go agela Morena aletare mo go sona gore petso e tlosiwe mo morafeng.” Mme Arauna a fetola Dafita a re: “A kgosi mong wa me a se tsee fela, a dire setlhabelo ka tse di siameng mo matlhong a gagwe. Bona, dikgomo tsa setlhabelo ke tse, mme meotlwana le dijoko tsa dipholo e ka nna dikgong. Kgosi, dilo tsotlhe tse, Arauna o di naya kgosi.” Arauna a fela a raya kgosi a re: “A Morena Modimo wa gago o go itumelele!” Mme kgosi ya fetola Arauna ya re: “Nnyaya! Ke rata go di reka mo go wena ka tlhwatlhwa ya tsona. Ga nkitla ke direla Morena, Modimo wa me, ditlhabelo ka tse ke di filweng fela.” Ke fa Dafita a reka seboana seo le dikgomo tseo ka dišekele di le 50 tsa selefera. Jaanong Dafita a agela Morena aletare gona, a dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo. Ke fa Morena a tlhomogela lefatshe pelo, mme petso ya khutla ya tlosiwa mo Iseraeleng. E rile kgosi Dafita a sena go tsofala le go phela malatsi a mantsi, a bo a sa thuthafale, le fa ba mo apesa dikobo. Mme batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “A kgosi morena wa rona a batlelwe morweetsana wa lekgarebe gore a mo direle, a mo oke. Mme fa a robala fa sehubeng sa gago, foo kgosi, morena wa rona o tla thuthafala.” Ke fa ba batla morweetsana yo montle mo lefatsheng lotlhe la Iseraele; ba bona Abisaga wa Suneme, ba mo isa kwa kgosing. Morweetsana yoo o ne a le montle thata; a tla a nna mooki wa kgosi a e direla, mme kgosi ya se ka ya ikopanya nae. Mme Atonia morwa Hagithe o ne a ikgodisa a re: “Ke tla nna kgosi!” Le gona a ipatlela dikoloi le bapalami ba dipitse le banna ba le 50 ba ba mo dikanyetsang. Mme rraagwe a se ka a mo kgalemela ka letsatsi lepe go re: “O direlang jalo?” Le gona o ne a bopegile sentle thata, mme mmaagwe a mo tshotse a tlhomaganna Abesalomo. Mme a gakololana le Joabe morwa Seruya le moperesiti Abjathare; bone ba thusa Atonia, ba goga nae. Mme moperesiti Satoke le Benaya morwa Joyata le moporofeti Nathane le Simei le Rei le bagale ba ga Dafita bone ba se ka ba utlwana le Atonia. Jaanong e rile Atonia a tlhaba difutshane le dikgomo le dinamane tse di nontshitsweng fa Lefikeng-la-Noga le le bapileng le motswedi wa Rogele, a laletsa bomorwa-rraagwe botlhe, e bong bana ba kgosi le banna ba Juta botlhe ba e leng batlhanka ba kgosi. Mme a se ka a laletsa moporofeti Nathane le Benaya le bagale le Salomo morwa-rraagwe. Foo Nathane a raya Batsheba mmaagwe Salomo a re: “A o setse o utlwile gore Atonia morwa Hagithe o itirile kgosi kwa ntle ga kitso ya ga Dafita, morena wa rona? Tlaya kwano, ke tle ke go gakolole gore o tle o boloke bophelo jwa gago le jwa ga Salomo morwao. Yaa o tsene kwa go kgosi Dafita, o mmotse o re: ‘Kgosi, morena wa me, a ga o ikanela lelata la gago ka wesi wa re: Ruri, Salomo morwao o tla nna kgosi sehularong sa me; ke ene yo o tla nnang mo sedulong sa me sa bogosi? Jaanong ke ka ntlha ya eng fa Atonia a dule kgosi?’ Bona, e tla re o sa ntse o bua le kgosi le nna ke tsene ke go setse morago, ke tle go tlatsa mafoko a gago.” Ke fa Batsheba a tsena kwa kgosing mo ntlwaneng. Mme kgosi e ne e tsofetse thata, Abisaga wa kwa Suneme a ntse a direla kgosi. Jaanong Batsheba a inama a ikobela kgosi. Mme kgosi ya re: “O batla eng?” A e raya a re: “Morena wa me, wena ka wesi o ikanetse lelata la gago ka Morena, Modimo wa gago, wa re: ‘Ruri, Salomo morwao o tla nna kgosi morago ga me; ke ene yo o tla nnang mo sedulong sa me sa bogosi.’ Mme jaanong bona, Atonia o dule kgosi, mme wena kgosi morena wa me o sa itse. O tlhabile dikgomo le dinamane tse di nontshitsweng le difutshane ka bontsi, a laletsa bomorwa kgosi botlhe le moperesiti Abjathare le Joabe molaodi wa batlhabani, mme a se ka a laletsa Salomo, motlhanka wa gago. Mme wena kgosi, morena wa me, matlho a Baiseraele botlhe a go lebeletse gore o ba itsise yo o tla nnang mo sedulong sa bogosi sa kgosi, morena wa me, morago ga gagwe. Fa go sa nne jalo, nna le Salomo morwaake re tla bonwa molato mogang fa kgosi, morena wa me, a sena go robala le borraagwe.” Jaanong ya re a sa ntse a bua le kgosi, ga tsena moporofeti Nathane. Ke fa ba begela kgosi ba re: “Moporofeti Nathane ke yo.” Mme ya re a sena go tsena fa pele ga kgosi, a inamisetsa sefatlhego fa fatshe fa pele ga kgosi. Mme Nathane a re: “Kgosi, morena wa me, a wena o laetse wa re: ‘Atonia o tla nna kgosi sehularong sa gago? Ke ene yo o tla nnang mo sedulong sa gago sa bogosi’? Gonne o ile kajeno, a tlhaba dikgomo le dinamane tse di nontshitsweng le difutshane ka bontsi, a laletsa bomorwa kgosi botlhe le balaodi ba batlhabani le moperesiti Abjathare. Bona, ba a ja, ba a nwa fa pele ga gagwe ba ntse ba re: ‘A kgosi Atonia a phele!’ Mme nna motlhanka wa gago le moperesiti Satoke le Benaya morwa Joyata le Salomo motlhanka wa gago ga a ka a re laletsa. Fa selo se se dirafetse ka taelo ya kgosi, morena wa me, ka ntlha ya eng ga o a ka wa itsise batlhanka ba gago yo o tla nnang mo sedulong sa bogosi sa kgosi, morena wa me morago ga gagwe?” Ke fa kgosi Dafita a fetola a re: “Mpiletseng Batsheba.” Jaanong ya re a sena go tsena fa kgosing le go ema fa pele ga yona, kgosi ya ikana ya re: “Ka bophelo jwa Morena yo o nkgolotseng mo tlalelong tsotlhe! Ruri, ke tla dira ka letsatsi leno jaaka ke go ikanetse ka Morena, Modimo wa Iseraele, ka re: ‘Ruri, Salomo morwao o tla nna kgosi morago ga me; ke ene yo o tla nnang mo sedulong sa me sa bogosi mo boemong jwa me.’ ” Ke fa Batsheba a inamela fa fatshe ka sefatlhego, a ikobela kgosi a re: “A kgosi Dafita, morena wa me, a phele ka bosakhutleng!” Kgosi Dafita a ba a re: “Mpiletseng moperesiti Satoke le moporofeti Nathane le Benaya morwa Joyata.” Jaanong ya re ba sena go tla kwa kgosing, kgosi ya ba laela ya re: “Tsayang batlhanka ba morena wa lona, lo ye nabo, mme Salomo morwaake lo mo palamise moulwe wa me, lo mo ise kwa Kihone. Mme a moperesiti Satoke a mo tlotse teng a na le moporofeti Nathane go nna kgosi ya Iseraele! Lo be lo letse lonaka lo re: ‘A kgosi Salomo a phele!’ Lo be lo boele kwano lo mo setse morago; mme a ene a tle a nne mo sedulong sa me sa bogosi. Ene o tla nna kgosi mo boemong jwa me; ke laetse gore a nne moeteledipele wa Iseraele le wa Juta.” Foo Benaya morwa Joyata a araba kgosi a re: “Pula! A Morena, Modimo wa kgosi, morena wa me le ene a bue jalo! A Morena a nne le Salomo jaaka a ne a ntse le kgosi, morena wa me! A a godise sedulo sa bogosi sa gagwe bogolo go sedulo sa bogosi sa kgosi Dafita, morena wa me!” Jaanong moperesiti Satoke le moporofeti Nathane le Benaya morwa Joyata le Bakerethi le Baphelethe ba fologa ba palamisitse Salomo moulwe wa kgosi Dafita ba mo isa kwa Kihone. Moperesiti Satoke a ya go tsaya lonaka lwa lookwane mo Tenteng ya Modimo a tlotsa Salomo. Ke fa ba letsa lonaka, mme batho botlhe ba re: “A kgosi Salomo a phele!” Morago ga moo batho botlhe ba tlhatloga ba mo setse morago, ba ntse ba letsa ditlhaka, ba ipela ka boitumelo jo bogolo, mo lefatshe le bileng la phatloga ka meduduetso ya bone. Mme Atonia le botlhe ba ba laleditsweng ba ba neng ba na nae ba utlwa fela fa ba fetsa go ja. Ya re Joabe a utlwa tumo ya lonaka, a botsa a re: “Modumo o o tsogileng mo motseng ke wa eng?” Ya re a sa ntse a bua, ga tla Jonathane morwa moperesiti Abjathare. Ke fa Atonia a re: “Tsena, gonne o monna wa maatlametlo, o tlisa mafoko a a molemo.” Mme Jonathane a fetola, a raya Atonia a re: “Ruri, morena wa rona kgosi Dafita o tlhomile Salomo mo bogosing. Kgosi e romile moperesiti Satoke nae le moporofeti Nathane le Benaya morwa Joyata le Bakerethi le Baphelethe, mme ba mo palamisa moulwe wa kgosi. Moperesiti Satoke o bile o mo tloditse kwa Kihone go nna kgosi, a na le moporofeti Nathane. Ba boa teng ba ntse ba ipela, mo motse o bileng wa huduega. Ke ona modumo o lo o utlwileng. Le gona Salomo o ntse mo sedulong sa bogosi. Gape batlhanka ba kgosi ba setse ba tsenye go tshegofatsa morena wa rona kgosi Dafita ka go re: ‘A Modimo wa gago o tumise leina la ga Salomo, le gaise la gago; o godise sedulo sa bogosi sa gagwe se phale sa gago.’ Ke fa kgosi e obamela e le mo bolaong. Kgosi e bile e buile jaana ya re: ‘A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele, o o beileng mongwe wa losika lwa me kajeno, a nna mo sedulong sa me sa bogosi, matlho a me a ntse a mmona.’ ” Ke fa botlhe ba tshoga ba ba laleditsweng ba ba gogang le Atonia, mme ba nanoga, ba itsamaela mongwe le mongwe tseleng ya gagwe. Mme Atonia a boifa Salomo, ka moo a nanoga, a ya kwa Tenteng ya Morena, a tshwara dinaka tsa aletare. Ga begelwa Salomo ga twe: “Bona, Atonia o boifa kgosi Salomo; o bile o tshwere dinaka tsa aletare a re: ‘A kgosi Salomo a inkanele pele gore, ga a kitla a bolaya motlhanka wa gagwe ka tšhaka.’ ” Salomo a re: “Fa e le monna yo o ikanyegang, ga go kitla go wela thiri epe ya gagwe fa fatshe, mme fa bosula bo fitlhelwa mo go ene, o tshwanetse go swa.” Kgosi Salomo a roma batho, ba mo folosa fa aletareng, a tla a ikobela kgosi Salomo. Salomo a mo raya a re: “Yaa kwa ntlong ya gago.” E rile malatsi a ga Dafita a go swa a atamela, a laela Salomo morwawe a re: “Nna ke wela tseleng ya lefatshe lotlhe; wena tia o nne monna, o dire ka tshwanelo fa pele ga Morena, Modimo wa gago, ka go sepela mo ditseleng tsa ona le ka go tshegetsa melao ya ona le ditaolo tsa ona le dithulaganyo tsa ona le ditshupo tsa ona jaaka di kwadilwe mo molaong wa ga Moše gore o tle o tswelele pele sentle mo go tsotlhe tse o di dirang gongwe le gongwe kwa o yang teng le gore Morena a dirafatse lefoko la gagwe le o le buileng ka ga me a re: ‘Fa bomorwao ba tlhokomela tsela tsa bone ka go sepela fa pele ga me ka boikanyo ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, foo ga o kitla o tlhoka monna mo sedulong sa bogosi sa Iseraele.’ “Le gona o itse ka wesi se Joabe morwa Seruya a se ntiretseng, e bong se o neng a se direla balaodi ba babedi ba mephato ya Iseraele, e bong Abenere morwa Nere le Amasa morwa Jethere, ka fa a ba bolaileng ka teng, a tsholola madi a ntwa mo kagisong, a tlatsa moitlamo wa gagwe o o mo lethekeng la gagwe le ditlhako tse o di rweleng madi a ntwa. Dira ka fa botlhaleng jwa gago gore o se ka wa folosetsa tlhogo e pududu ya gagwe kwa felong ga baswi ka kagiso. “Mme bana ba ga Baresilai wa Gileate o ba direle ka bopelotlhomogi, ba nne le ba ba jelang fa lomating lwa gago; gonne ba nthusitse fela jalo jale fa ke tshaba Abesalomo mogoloo. “Gape o sa ntse o na le Simei morwa Gera wa Mobenyamene wa Bahurime; o kile a ntlhapatsa mo go boitshegang ka letsatsi le ke neng ke ya kwa Mahanaime ka lone. Fela e rile a fologela kwa Joretane go nkgatlhantsha, ka mo ikanela ka Morena ka re: ‘Ga nkitla ke go bolaya ka tšhaka.’ Mme wena o se ka wa tlhoka go mmona molato; gonne wena o monna yo o botlhale. O tla itse sentle se o ka se mo direlang gore o folosetse tlhogo e pududu ya gagwe ka madi kwa felong ga baswi.” Jaanong Dafita a robala le borraagwe, a ba a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita. Mme Dafita a busa Baiseraele dinyaga di le 40; a busa dinyaga di supa kwa Heberone, a ba a busa dinyaga di le 33 kwa Jerusalema. Morago ga moo Salomo a nna mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita rraagwe, mme bogosi jwa gagwe jwa tlhomama. Jaanong Atonia morwa Hagithe a ya kwa go Batsheba mmaagwe Salomo. Ene a mmotsa a re: “A o tla ka kagiso?” A araba a re: “Ee, ke tla ka kagiso.” A ba a re: “Ke tsile go bua nao.” Batsheba a re: “Bua.” Ke fa Atonia a re: “O a itse gore bogosi e ne e le jwa me. Baiseraele botlhe ba ne ba lebeletse gore go tla busa nna. Mme bogosi jwa ntlogela, ya nna jwa ga nnake; gonne o bo neilwe ke Morena. Jaanong ke kopa selo se le sengwe fela mo go wena; o se ka wa nkganela ka sona.” Batsheba a mo araba a re: “Bua.” Atonia a re: “A ko o bue le kgosi Salomo; gonne wena ga a ka ke a go swabisa, gore a nnee Abisaga wa Suneme go nna mosadi wa me.” Batsheba a re: “Go siame, ke tla go buela le kgosi.” Ke fa Batsheba a tsena kwa go kgosi Salomo go buela Atonia nae. Mme kgosi ya nanoga, ya mo kgatlhantsha, ya mo ikobela. Jaanong ya nna mo sedulong sa yona sa bogosi; le ene mma-kgosi a tsisediwa sedulo, a nna mo ntlheng ya le le jang la yona. Jaanong Batsheba a re: “Ke kopa kopo e potlana e le nngwe mo go wena. O se ka wa gana.” Kgosi ya mo araba ya re: “Kopa, mma, gonne ga nkitla ke go ganela ka yona.” Batsheba a re: “A Abisaga wa Suneme a newe Atonia mogoloo go nna mosadi wa gagwe.” Kgosi Salomo a fetola a raya mmaagwe a re: “O kopelelang Atonia Abisaga wa Suneme? Mo kopele le bogosi! Gonne ke nkgonne. Kana moperesiti Abjathare le Joabe morwa Seruya ba goga nae!” Ke fa kgosi Salomo a ikana ka Morena a re: “A Modimo o mpetse, o be o nkokeletse, fa Atonia a sa ka ke a bolawa ka ntlha ya lefoko le! Mme jaanong, ka bophelo jwa Morena yo o ntlhomamisitseng, a mpaya mo sedulong sa bogosi sa ga rre Dafita, a nkagela ntlo jaaka a solofeditse – ruri, Atonia o tla bolawa kajeno.” Kgosi Salomo a roma Benaya morwa Joyata, a feta a mo wela, mme a swa. Fa e le Abjathare moperesiti, kgosi ya mo raya ya re: “Yaa kwa Anathothe kwa tshimong ya gago; gonne o tshwanetse go bolawa. Fela ga ke ne ke go bolaya kajeno, ka o ne o sikara Letlole la Morena Modimo fa pele ga rre Dafita le ka o ne o tlhakanela dipogiso tsotlhe le rre.” Salomo a leleka Abjathare jalo, mo a se neng a tlhola a nna moperesiti wa Morena, e le go dirafatsa lefoko la Morena le o le buileng ka go ntlo ya ga Eli kwa Silo. E rile Joabe a utlwela dilo tseo, a tshabela kwa Tenteng ya Morena, a feta a tshwara dinaka tsa aletare. Kana Joabe a ne a gogile le Atonia, le fa a se ka a goga le Abesalomo. Ga begelwa kgosi Salomo ga twe: “Joabe o tshabetse kwa Tenteng ya Morena. Ke yole fa aletareng.” Jaanong Salomo a roma Benaya morwa Joyata a re: “Yaa o mmolae!” Mme ya re Benaya a fitlha kwa Tenteng ya Morena, a mo raya a re: “Kgosi e buile jaana ya re: ‘Tswaa moo!’ ” A fetola a re: “Nnyaya! Gonne ke rata go swela fano!” Benaya a isetsa kgosi lefoko a re: “Joabe o mphetotse jaana le jaana.” Ke fa kgosi e mo laela a re: “Dira jaaka a buile, o mmolae, o mo fitlhe, mme madi a a se nang molato a a tsholotsweng ke Joabe o a tlose mo go nna le mo lapeng la ga rre. A Morena a busolosetse madi a o a tsholotseng mo tlhogong ya gagwe; ka gonne o wetse banna ba babedi ba ba neng ba mo gaisa ka tshiamo le molemo, a ba bolaya ka tšhaka, rre Dafita a sa itse, e bong Abenere morwa Nere, molaodi wa mephato ya Iseraele le Amasa morwa Jethere, molaodi wa mephato ya Juta gore madi a bone a boele mo tlhogong ya ga Joabe le mo tlhogong tsa bana le bana ba bana ba gagwe ka bosakhutleng, mme kagiso e e tswang mo Moreneng a e nne le Dafita le losika lwa gagwe le lelapa la gagwe le sedulo sa bogosi sa gagwe ka bosakhutleng.” Benaya morwa Joyata a ya, a mo wela, a mmolaya, mme a fitlhwa mo ntlong ya gagwe kwa sekakeng. Mo boemong jwa gagwe kgosi ya baya Benaya morwa Joyata go laola mephato; kgosi ya ba ya baya moperesiti Satoke mo boemong jwa ga Abjathare go nna moperesiti yo mogolo. Morago ga moo kgosi ya roma go bitsa Simei, ya mo laela ya re: “Ikagele ntlo mono Jerusalema, o nne teng. O se ka wa tloga mono go ya gope. Mme ka letsatsi le o tswang ka lone, o tshela noka ya Kiterone, o itsetse ruri gore o tlile go swa. Foo go tla bo go ipolaile wena ka wesi.” Simei a araba kgosi a re: “Lefoko leo le siame. Motlhanka wa gago o tla dira ka fa kgosi mong wa me a buileng ka teng.” Simei a nna jalo mo Jerusalema malatsi a mantsi. Mme ya re dinyaga tse tharo di sena go feta, batlhanka ba le babedi ba ga Simei ba thobela kwa go Agiše morwa Maaga kgosi ya Gathe. Jaanong ya re Simei a begelwa go twe: “Batlhanka ba gago ba kwa Gathe.” Simei a nanoga a belesa esele ya gagwe a ya kwa Gathe kwa go Agiše go batla batlhanka ba gagwe. Simei a ya jalo, a ya go tsaya batlhanka ba gagwe kwa Gathe. Mme ga begelwa Salomo ga twe: “Simei o dule mo Jerusalema, a ya kwa Gathe, a ba a boa.” Ke fa kgosi e roma go bitsa Simei, e mo raya e re: “Kana ke go ikanisitse ka Morena, ka go tlhagisa ka re: ‘Ka letsatsi le o tswang o ya gongwe ka lone o itsetse ruri gore o tlile go swa!’ Wa ba wa nthaya wa re: ‘Go siame. Ke utlwile.’ Jaanong ke ka ntlha ya eng fa o se ka wa tshegetsa se o se ikanetseng Morena le taelo e ke e go laetseng?” Kgosi ya ba ya raya Simei ya re: “Wena ka wesi o itse bosula jotlhe mo pelong ya gago jo o bo diretseng rre Dafita. Jaanong Morena o busetsa bosula jwa gago mo go wena, mme kgosi Salomo o tshegofaditswe; sedulo sa bogosi sa ga Dafita se tla tlhomama fa pele ga Morena ka bosakhutleng.” Jaanong kgosi ya laela Benaya morwa Joyata, mme ene a ya a mmolaya, mme a swa. Bogosi jwa tlhomamisiwa jalo mo diatleng tsa ga Salomo. Mme Salomo a nyalela Farao, kgosi ya Egepeto; a tsaya morwadia Farao, a mo tlisa mo motseng wa ga Dafita, a nna teng go ya a be a fetse go aga ntlo ya gagwe le Ntlo ya Morena le lobota mo tikologong ya Jerusalema. Fela morafe o ne o ntse o dira ditlhabelo mo dithoteng tsa tlhabelo; gonne pele ga foo go ne go ise go agelwe leina la Morena ntlo. Mme Salomo o ne a rata Morena ka go sepela ka fa melaong ya ga Dafita rraagwe. Fela a fapoga ka go dira ditlhabelo, a tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo. Kgosi e kile ya ya kwa Gibeone go dira ditlhabelo teng; gonne thota ya teng e ne e tumile go feta tsotlhe. Salomo a dira ditlhabelo tsa phiso di le sekete mo aletareng ya teng. Kwa Gibeone Morena a iponatsa mo go Salomo ka toro bosigo, mme Modimo wa re: “Ikopele sengwe mo go nna.” Salomo a re: “O diretse rre Dafita motlhanka wa gago ka bopelotlhomogi jo bogolo fela jaaka a ne a sepela fa pele ga gago ka boikanyo le tshiamo le ka pelo e e nang nao e tlhamaletse. O bile o mmoloketse bopelotlhomogi jo bogolo joo, wa mo naya morwa yo o ntseng mo sedulong sa gagwe sa bogosi jaaka go ntse kajeno. Mme jaanong Morena, Modimo wa me, motlhanka wa gago o mo dirile kgosi mo boemong jwa ga Dafita rre. Mme nna ke lekawana fela. Ga ke ise ke itse go tswa le go tsena. E bile motlhanka wa gago o mo gare ga morafe wa gago o ò o itlhophetseng, e le morafe o mogolo o o sa ka keng wa balwa le e seng go kwalwa ka ntlha ya bontsi. Ka moo naya motlhanka wa gago pelo e e reetsang gore a itse go atlhola morafe wa gago le go farologanya tse di molemo le tse di bosula. Gonne ke mang yo o ka kgonang go busa morafe wa gago o o kanakana?” Kopo eo e ne ya kgatlha Morena, fa Salomo a kopa se se ntseng jalo. Modimo wa mo raya wa re: “E re ka o kopile se se ntseng jaana, mme o sa ikopela bophelo jo boleele le e seng go ikopela khumo le e seng loso lwa baba ba gago, mme o ikopetse tlhaloganyo go ka utlwa ditsheko, ka moo ke dira ka fa mafokong a gago, ke go naya pelo e e botlhale e e tlhaloganyang. Ga go ise go ke go nne ope yo o tshwanang nao pele ga gago. Le gona ga go kitla go tsoga ope yo o tshwanang nao sehularong sa gago. Le tse o sa di kopang ke a di go naya, e bong khumo le tlotlo gore go se nne ope mo dikgosing yo o lekanang nao bophelong jotlhe jwa gago. Mme fa o sepela mo ditseleng tsa me ka go tshegetsa melao ya me le ditaolo tsa me jaaka go sepetse Dafita rraago, foo ke tla ntsifatsa malatsi a gago.” Jaanong ya re Salomo a thanya, a fitlhela e le toro. Morago ga moo a ya kwa Jerusalema, a ema fa pele ga Letlole la Kgolagano ya Morena, a dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, a ba a direla batlhanka botlhe ba gagwe moletlo. Ka sebaka seo ga tla basadi ba babedi ba diaka kwa kgosing, ba ema fa pele ga yona. Ga bua mosadi mongwe a re: “Ka thapelo, morena wa me! Nna le mosadi yo re nna mo ntlong e le nngwe, mme ka belega fa go ene mo ntlong. Mme e rile ka letsatsi la boraro ke sena go belega, le mosadi yo a belega, rona re le mmogo re se na le ope mo ntlong, re le babedi fela. Mme morwa mosadi yo a swa bosigo, gonne o ne a mo letse godimo. Jaanong a tsoga gare ga bosigo, a utswa morwaake mo lotlhakoreng lwa me, lelata la gago le thulametse, a mo robatsa mo sehubeng sa gagwe; a ba a baya morwawe yo o suleng mo sehubeng sa me. Jaanong ya re ke tsoga mo mosong go amusa morwaake ka fitlhela a sule; fela ya re bo sena go sa, ka mo sekaseka, ka fitlhela e se ene yo ke mmelegeng.” Mme mosadi yo mongwe a re: “Nnyaya! Yo o phelang ke morwaake, wa gago ke yo o suleng.” Mme yo mongwe a re: “Nnyaya! Ke morwao yo o suleng, wa me ke yo o phelang.” Ba ganetsanya jalo fa pele ga kgosi. Mme kgosi ya re: “Yona a re: ‘Morwaake ke ene yo o phelang, wa gago ke yo o suleng.’ Yona a re: ‘Nnyaya, morwao ke yo o suleng, yo o phelang ke wa me.’ ” Jaanong kgosi ya re: “Ntlisetseng tšhaka!” Ba tlisetsa kgosi tšhaka. Jaanong kgosi ya re: “Fatolang ngwana yo o phelang, e nne mefama e mebedi, lo nee mongwe bontlhanngwe le yo mongwe bontlhanngwe.” Ke fa mosadi yo ngwana yo o phelang e leng wa gagwe a raya kgosi, gonne o ne a utlwela morwawe botlhoko, a re: “Ka thapelo, mongwaka, nayang yole ngwana yo o phelang, mme se mmolaeng ka gope.” Mme yole a re: “A e se nne wa me le e seng wa gago. Mo fatoleng.” Ke fa kgosi e atlhola e re: “Nayang yona ngwana yo o phelang, se mmolaeng. Ke ene mmaagwe.” E rile Baiseraele botlhe ba utlwela katlholo e kgosi e e atlhotseng, ba boifa kgosi; gonne ba lemoga, fa botlhale jwa Modimo bo le mo teng ga gagwe go ka atlhola ka tshiamo. Kgosi Salomo e ne e le kgosi ya Baiseraele botlhe. Dikgosana tsa gagwe e ne e le tse: Asaria morwa Satoke e le moperesiti; Elihorefe le Ahia bomorwa Sisa e le bakwaledi: Josafate morwa Ahilote e le ntona ya kgosi. Benaya morwa Joyata e le molaodi wa mephato; Satoke le Abjathare e le baperesiti. Asaria morwa Nathane e le tlhogo ya baokamedi; Sabute morwa Nathane moperesiti e le tsala ya kgosi. Ahisare e le molaodi wa ntlo ya kgosi; Atonirame morwa Abeta e le molaodi wa mekuio. E bile Salomo o ne a na le baokamedi ba le soma mabedi, ba ba okametseng Baiseraele botlhe, ba ba babalelang kgosi le lelapa la yona ka dijo. Mongwe le mongwe a na le go babalela kgwedi mo ngwageng. Maina a bone ke a: Morwa Hure o ne a le kwa dithabeng tsa Eferaime; morwa Dekere a le kwa Makase le kwa Saalebime le Betšhemeše le Elone-Bethanane; morwa Hesete a le kwa Arubothe, a okametse Sogo le naga yotlhe ya Hefere. Morwa Abinatabe o ne a okametse naga yotlhe ya dithota ya Dore; mosadi wa gagwe e ne e le Tafathe morwadia Salomo; Baana morwa Ahilote a okametse Thaenage le Megito le Betšheane yotlhe yo o bapileng le Sarethane kwa tlase ga Iserele go tloga kwa Betšheane go fitlha kwa Abele-Megola le go fetela kwa pele ga Jokemeame; morwa Gebere a le kwa Ramothe wa Gileate; a okametse metsana ya ga Jaire morwa Manase e e kwa Gileate; a okametse naga ya Aregobe e e kwa Basane, metse e megolo e le 60 e e nang le dipota le mephakarego ya kgotlho; Ahinatabe morwa Ito a le kwa Mahanaime; Ahimaase a le kwa Nafetale; le ene o ne a tsere morwadia Salomo, e bong Basemathe go nna mosadi wa gagwe; Baana morwa Husai a le kwa Asere le kwa Bealothe; Josafate morwa Pharua a le kwa Isašare; Simei morwa Ela a le kwa Benyamene; Gebere morwa Uri a le kwa nageng ya Gileate, nageng ya ga Sihone kgosi ya Baamori le ya ga Oge kgosi ya Basane. E ne e le ene mookamedi a le esi kwa lefatsheng lele. Bajuta le Baiseraele ba bo ba le bantsi ba le kana ka mošawa o o fa lewatleng, ba ntse ba a ja ba a nwa, ba a itumela. Le gona Salomo o ne a busa magosi aotlhe go simolola kwa nokeng ya Ferathe go ya kwa lefatsheng la Bafelesita le go fitlha kwa molelwaneng wa Egepeto. Ba ne ba kgethela Salomo, ba mo direla ka malatsi aotlhe a bophelo jwa gagwe. Dijo tsa ga Salomo tsa letsatsi le le lengwe e ne e le dikgetse di le 105 tsa bupe jo bo setou le dikgetse di le 210 tsa bupe jo bo gaitsweng le dikgomo tse di nontshitsweng di le some le dikgomo di le some tsa kwa mafulong le difutshane di le lekgolo, go sa balwe diphofu le ditshephe le ditholo le dipidipidi tse di nontshitsweng. Gonne ene o ne a busa lefatshe lotlhe le le mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe le dikgosi tsotlhe ntlheng ya bophirima ya noka eo go tloga kwa Thifesa go fitlha kwa Gasa, a na le kagiso mo ntlheng tsotlhe tikologong. Bajuta le Baiseraele ba ne ba agile ba le mo thagamong, mongwe le mongwe fa tlase ga moweine wa gagwe le fa tlase ga mofeie wa gagwe go tloga kwa Dane go fitlha kwa Bereseba ka malatsi otlhe a ga Salomo. Salomo o ne a na le dipitse tsa dikoloi di le dikete di le 40 le dipitse tse di palangwang di le dikete di le 12. Baokamedi bale ba ne ba tlamela kgosi Salomo le botlhe ba ba jelang mo lobating wa bojelo lwa kgosi Salomo, mongwe le mongwe ka kgwedi ya gagwe, ba se ka ba tlhaetsa sepe. Le gona ba tlisa garase le letlhaka la korong la dipitse tse di gogang le la dipitse tse di palangwang kwa felong kwa di batlegang teng, mongwe le mongwe ka fa thulaganyong ya gagwe. Modimo o ne o neile Salomo botlhale le tlhaloganyo e kgolo thata le temogo ya dilo tse di kana ka mošawa o o fa losing lwa lewatle. Botlhale jwa ga Salomo bo ne bo gaisa botlhale jwa batho botlhe ba kwa botlhabatsatsi le botlhale jotlhe jwa Egepeto. O ne a le botlhale bogolo go batho botlhe, a phala Ethane wa Esera le Hemane le Kalakolo le Dareta bomorwa Magole; leina la gagwe le ne le tumile kwa ditšhabeng tsotlhe mo tikologong. O ne a ntsha diane di le dikete tse tharo le difela di le sekete le botlhano. Mo go tsona a bolela ka ga ditlhare, a simolola ka mosetere o o kwa Lebanone, a khutla ka mosiama o o tlhogang fa loboteng; le gona a bolela ka ga diphologolo le ka ga dinonyane le ka ga digagabi le ka ga ditlhapi. Batho ba ne ba tswa kwa merafeng yotlhe go utlwa botlhale jwa ga Salomo, le kwa dikgosing tsotlhe tsa lefatshe tse di neng di utlwetse botlhale jwa gagwe. Hirame kgosi ya Tiro e ne ya roma batlhanka ba yona kwa go Salomo; ka gonne e ne e utlwile, fa a tloditswe go nna kgosi boemong jwa ga rraagwe. Kana Hirame o ne a tsalanye le Dafita ka malatsi otlhe. Jaanong Salomo a roma batho kwa go Hirame a re: “O itse ka wesi fa Dafita rre a se ka a kgona go agela leina la Morena, Modimo wa gagwe, ntlo ka ntlha ya dintwa tse di neng di mo dikanyeditse ga tsamaya Morena a baya baba ka fa tlase ga dinao tsa gagwe. Mme jaanong Morena, Modimo wa me, o mphile boikhutso mo ntlheng tsotlhe; ga go na moganetsi le e seng kgoreletso epe e e bosula. Ke ka moo ke ikaeletseng go agela leina la Morena, Modimo wa me, ntlo jaaka Morena a reile rre Dafita a re: ‘Morwao yo ke tla mmayang mo sedulong sa bogosi sa gago boemong jwa gago ke ene yo o tla agelang leina la me ntlo.’ Ka moo he, ba ree ba nthemele mesetere kwa Lebanone. A batlhanka ba me ba dire mmogo le ba gago. Mme tuelo ya batlhanka ba gago ke tla go neela fela jaaka o e batla. Gonne o itse ka wesi gore ga go na ope mo go rona yo o itseng go rema ditlhare jaaka Basitone.” Mme e rile Hirame a utlwa mafoko a ga Salomo, a itumela thata a re: “A go bakwe Morena kajeno yo o neileng Dafita morwa yo o botlhale go busa morafe o mogolo oo!” Hirame a ba a roma batho kwa go Salomo a re: “Ke utlwile mafoko a o a nthometseng. Ka ga dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese ke tla dira tsotlhe ka fa o eletsang ka teng. Batlhanka ba me ba tla di folosa kwa Lebanone ba di isa kwa lewatleng. Ke tla di bofaganya di kokobala mo lewatleng, di isiwa kwa o di batlang teng, ke di bofolola, wena o be o di tsaya teng. Mme le wena o ntirele se ke se kopang o fe ba lapa la me dijo.” Hirame a naya Salomo dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese fela jaaka a kopile. Mme Salomo a naya Hirame dikgetse di le 70 000 tsa mabele go nna dijo tsa lapa la gagwe, le difaki di le 182 tsa lookwane lo lo tlhotlhilweng. Salomo a naya Hirame tseo ka ngwaga le ngwaga. Morena a naya Salomo botlhale jaaka a mo solofeditse. Go ne go le kagiso gare ga Hirame le Salomo; bona ba babedi ba dira kgolagano. Jaanong kgosi Salomo a kua mephato mo Baiseraeleng botlhe; ba ba kuilweng e ne e le banna ba le dikete di le 30. A romela ba le 10 000 kwa Lebanone ka kgwedi ba fapaana: Kgwedi e le nngwe ba le kwa Lebanone, kgwedi tse pedi ba nna kwa gae. Atonirame e ne e le molaodi wa banna bao ba mekuio. Le gona Salomo o ne a na le basikari ba merwalo ba le 70 000 le ba le 80 000 ba ba betlang majwe kwa dithabeng go sa balwe baokamedi ba bagolo ba le 3 300 ba ba beilweng ke Salomo go okamela tiro le go laola badiri. Kgosi e ne e laetse gore ba epe majwe a magolo, majwe a tlhwatlhwa e kgolo gore go thaiwe motheo wa Ntlo ya Modimo ka majwe a a betlilweng. Mme baagi ba ga Salomo le baagi ba ga Hirame le banna ba Gebale ba a betla, ba baakanya dikgong le majwe gore Ntlo ya Modimo e agiwe. Ka ngwaga wa 480 Baiseraele ba sena go huduga kwa lefatsheng la Egepeto, ka ngwaga wa bone wa puso ya ga Salomo mo Iseraeleng, ka kgwedi ya Siwe, e bong kgwedi ya bobedi a simolola go agela Morena Ntlo. Ntlo e kgosi Salomo o neng a e agela Morena boleele jwa yona e ne e le mabogo a le 60, bophara jwa yona e le mabogo a le 20, bogodimo jwa yona e le mabogo a le 30. Mathudi a a neng a le mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Felo-ga-Boitshepo ga Ntlo ya Morena boleele jwa ona e ne e le mabogo a le 20, bo tsamaya le bophara jwa Ntlo ya Morena, bophara jwa ona e le mabogo a le some, jone bo leelefatsa Tempele jalo. A direla Ntlo ya Morena difenstere tse di tswetsweng ka letloa la dithupa. Ka fa ntle ga lobota lwa Ntlo ya Morena a aga kago ya koketso, mo tikologong ya dipota tsa Ntlo ya Morena, mo tikologong ya Felo-ga-Boitshepo le ya Felo fa go kwa Tengteng a dira matlwana a a tlhatlaganyeng mo tikologong. Matlwana a a kwa tlase bophara jwa ona e ne e le mabogo a le matlhano; a a fa gare bophara jwa ona e le mabogo a le marataro; a boraro bophara jwa ona e le mabogo a supa. Gonne o ne a diretse Ntlo ya Morena dipota tsa koketso ka fa ntle mo tikologong gore matlwana ao a se ka a itshwarelela ka dipota tsa Ntlo ya Morena. E rile Ntlo ya Morena e agiwa, ya bopelwa ka majwe a a betletsweng ruri kwa a epiwang teng; ga se ka ga utlwala noto le selepe le e seng sediri sepe sa tshipi kwa Ntlong ya Morena fa e agiwa. Mojako wa matlwana a a kwa tlase o ne o le mo lotlhakoreng lwa borwa lwa Ntlo ya Morena, mme ka mapalamo a a tshophegileng go ne go tlhatlogelwa kwa go a a fa gare, mme go tswa kwa go a a fa gare go tlhatlogelwa kwa go a boraro. Ya re a sena go fetsa lebotana la Ntlo ya Morena, a e tlhomesa, a e rulela ka dipati tsa mesetere tse di kgabisitsweng. Kago ya koketso a e aga ka go e dikolosa le Ntlo ya Morena yotlhe; bogodimo jwa matlwana e le mabogo a le matlhano; a itshwarelela mo Ntlong ya Morena ka mephakarego ya mesetere. Mme Lefoko la Morena la tla kwa go Salomo la re: “Ka ga Ntlo ya Morena e e o e agang, itse gore fa o sepela ka fa melaong ya me, o dirafatsa tse di nkgatlhang, o tshegetsa ditaolo tsa me tsotlhe ka go sepela mo go tsona, ke gona ke tla dirafatsang Lefoko la me mo go wena le ke le buileng le Dafita rrago. Foo ke tla nna mo gare ga Baiseraele, ke sa tlogele Iseraele morafe wa me.” E rile Salomo a sena go aga Ntlo ya Morena le go e fetsa, dipota tsa yona ka fa teng a di manega dipati tsa mesetere; go tloga fa fatshe go fitlha kwa ditlhomesong. Ntlo ya Morena ka fa teng a e manega dikgong; mme bodilo jwa Ntlo ya Morena a bo ala dipati tsa mesiperese. A ba a aga lobota ka mo teng lo lo katoganyeng mabogo a le 20 le lobota lwa motsheo wa Ntlo ya Morena ka dipati tsa mesetere go tloga bodilong go fitlha kwa ditlhomesong; felo foo a go aga mo teng ga Ntlo ya Morena go nna Felo fa go kwa Tengteng, e bong ga Boitshepo-jwa-Maitshepo. Mme boleele jwa Felo-ga-Boitshepo e ne e le mabogo a le 40; gona go le mo ntlheng ya botlhabatsatsi. Ka mo teng ga Ntlo ya Morena go ne go le dikgong tsa mesetere fela; mo go tsona go setilwe diphare le dithunya tse di fololetsweng. Tsotlhe tseo e ne e le tsa mesetere go sa bonale lebotana. A ba a baakanya Felo fa go kwa Tengteng mo teng ga Ntlo ya Morena go baya Letlole la Kgolagano ya Morena teng. Felo fa go kwa Tengteng boleele jwa gona e ne e le mabogo a le 20, bophara e le mabogo a le 20, le bogodimo e le mabogo a le 20. A go manega gouta e e sa pekwang; le gona a dira aletare ka dikgong tsa mesetere. Salomo a manega Ntlo ya Morena ka mo teng gouta e e sa pekwang; a ba a kgaola ka dikeetane tsa gouta fa pele ga Felo fa go kwa Tengteng fa a go manegileng gouta. Ntlo ya Morena yotlhe a e manega gouta, ga tsamaya a ba a fetsa Ntlo ya Morena yotlhe; le aletare yotlhe e e leng ya Felo fa go kwa Tengteng a e manega gouta. Le gona a dira boKerubime ba le babedi mo Felong fa go kwa Tengteng ka dikgong tsa olefa; boleele jwa bone e le mabogo a le 10. Lefuka lengwe la Kerubime le ne le le mabogo a le matlhano, le lengwe le lone le le mabogo a le matlhano; go tloga ntlheng ya lefuka leno go fitlha ntheng ya lefuka lele, e le mabogo a le some. Le Kerubime wa bobedi a na le bophara jwa diphuka jwa mabogo a le some; boKerubime boo babedi ba tshwana fela ka selekanyo le popego. Boleele jwa Kerubime yo mongwe e ne e le mabogo a le some le wa bobedi jalo. Mme a baya boKerubime bao fa gare ga Felo fa go kwa Tengteng, ba tsharolotse diphuka tsa bone. Lefuka la yo mongwe le ama lobota lo longwe, mme lefuka la Kerubime wa bobedi le ama lobota lo longwe. Mme diphuka tsa bone tse di fa gare ga Ntlo ya Morena di amana. Le boKerubime a ba manega gouta. Mo dipoteng tsotlhe tsa Ntlo ya Morena, mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le mo Felong-ga-Boitshepo, tikologong a seta ditshwantsho tsa boKerubime le tsa mekolane le tsa dithunya tse di fololetsweng. Le bodilo jwa Ntlo ya Morena mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le mo Felong-ga-Boitshepo a bo manega gouta. Mojako wa Felo fa go kwa Tengteng a o direla ditswalo tsa dikgong tsa olefa. Mophakarego le maotwana a tsona tsa bo di na le dikhutlo tse tlhano. Ditswalo tse pedi e ne e le tsa dikgong tsa olefa; a seta ditshwantsho tsa boKerubime le tsa mekolane le tsa dithunya tse di fololetsweng mo go tsona, a di manega gouta; gouta a e iteela ka noto mo go boKerubime le mo mekolaneng gore e di senole. Le mojako wa Felo-ga-Boitshepo a o direla maotwana a ditswalo ka dikgong tsa olefa fela jalo, mme e le wa dikhutlo tse nne; le ditswalo tse pedi tsa dikgong tsa mesiperese. Mhama o mongwe wa setswalo wa bo o na le dipati tse pedi tse di bulegelang ka ntlha tsotlhe; mhama o mongwe le ona o na le dipati tse pedi tse di bulegelang ka ntlha tsotlhe. A seta boKerubime le mekolane le dithunya tse di fololetsweng mo go tsona, a di manega gouta, ya iteelwa mo masetong gore e di senole. A aga lelapa la ka fa teng ka majwe a a betlilweng, lebota la lone a le dira mela e meraro; a le kona ka mepako ya mesetere. Motheo wa Ntlo ya Morena o ne o theilwe ka ngwaga wa bone wa puso ya ga Salomo ka kgwedi ya Siwe. Ka ngwaga wa lesome le motso, ka kgwedi ya Bule – ke kgwedi ya robedi – ga fediwa Ntlo ya Morena le dilo tsotlhe tsa yona le ditshwanelo tsotlhe tsa yona. Ya agiwa dinyaga tse di supang. Mme matlo a gagwe ona Salomo a a aga dinyaga di le 13; ya ba gona a a fetsang otlhe. A aga ntlo, a e bitsa Ntlo-ya-Sekgwa-sa-Lebanone; boleele jwa yona e ne e le mabogo a le 100, bophara jwa yona e le mabogo a le 50, bogodimo jwa yona e le mabogo a le 30, e rwelwe ke maotwana a mesetere, a bopeleditswe ditsela tse nne, mme mephakarego ya mesetere e le mo godimo ga maotwana ao. E ne e ruletswe ka dikgong tsa mesetere mo godimo ga matlwana a a neng a rwelwe ke maotwana ale. E ne e le matlwana a le 45, a le 15 a tlhomaganye. Go ne go le difenstere, di tlhomaganye gararo, di dirilwe ka mepakwana, fenstere e lebagana le fenstere gararo. Mejako yotlhe le maotwana a ditswalo di ne di na le dikhutlo di le nne di dirilwe ka mepakwana; mojako o lebagana le mojako gararo. Le gona a dira Leobo la Maotwana, boleele jwa lone e le mabogo a le 50, bophara jwa lone e le mabogo a le 30; le na le mathudi fa pele ga lone le maotwana a teng le mapalamo. Gape a dira ntlogadi ya sedulo sa bogosi e a atlholelang mo go yona, e le ntlo ya tshekelo, e manegilwe dipati tsa mesetere go tloga fa fatshe go fitlha kwa ditlhomesong. Le ntlo ya gagwe e a neng a nna mo go yona e ne e agilwe ka mokgwa oo. E ne e le mo lapeng le lengwe le le bapileng le ntlogadi. Salomo a ba a direla morwadia Farao yo a mo nyetseng ntlo e e tshwanang le ntlogadi eo. Dikago tsotlhe tseo tsa agiwa ka majwe a tlhwatlhwa e kgolo a a betlilweng ka fa selekanyong sa dieka, a segilwe ka šage ka fa teng le ka fa ntle go tloga fa fatshe go fitlha kwa majweng a a kwa godimo le kwa ntle go fitlha lelapeng le legolo. Motheo e ne e le wa mafika a tlhwatlhwa e kgolo wa mafika a magolo; go le mafika a mabogo a le some le mafika a mabogo a a robedi. Mo godimo ga ona go le dipota tsa majwe a tlhwatlhwa e kgolo a a betlilweng ka fa selekanyong sa dieka le mepako ya mesetere. Lobota lwa lelapa le legolo tikologong le lwa lelapa la ka fa teng la Ntlo ya Morena le lwa lelapa la leobo la ntlo ya kgosi di ne di agilwe ka majwe a a betlilweng e le mela e meraro, mme tsa konwa ke mepako ya mesetere. Kgosi Salomo a ba a roma motho go ya go bitsa Hirame kwa Tiro. Ene e ne e le morwa mosadi wa motlholagadi wa lotso lwa ga Nafetale, mme rraagwe e le monna wa kwa Tiro. E ne e le modiri ka kgotlho, a tletse botlhale le tlhaloganyo le kitso go ka dira tiro yotlhe ka kgotlho. A tla kwa go kgosi Salomo, a dira tiro yotlhe ya gagwe. A bopa maotwana a mabedi a kgotlho. Boleele jwa ona e ne e le mabogo a le 18. Bokima jwa ona bo kopanngwa ke mogala wa mabogo a le 12. A ba a dira ditlhogo tse pedi, a di baya mo godimo ga maotwana e le tsa kgotlho e e bopilweng; bogodimo jwa tlhogo nngwe le nngwe e ne e le mabogo a le matlhano. Ditoganyo – e le tiro ya toganyo e e tshophilweng le ya dikeetane – di ne di le mo ditlhogong tse di neng di le mo godimo ga maotwana, tse supa mo tlhogong nngwe le nngwe. Le gona a dira digaranata tsa kgotlho di potologa tlhogo gabedi le dikeetane, e le go kgabisa ditlhogo tsoo pedi tse di neng di le mo godimo ga maotwana. Ditlhogo tse di neng di le mo godimo ga maotwana fa mathuding di ne di bopegile jaaka dithunya tsa madutla; bogodimo jwa tsona e le mabogo a le mane. Tlhogo e nngwe e ne e kgabisitswe ka digaranata di le 200, di kotamisitswe mo toganyong mo godimo ga dimpa le fa tlase ga tsona, di dikologa gabedi. Le tlhogo ya bobedi e ne e kgabisitswe jalo. A tlhoma maotwana ao fa pele ga mathudi a mojako wa Tempele. Ya re a tlhoma leotwana la le le jang, a le bitsa Jagine; ya re a tlhoma leotwana la molema, a le taya leina la Boase. Ya re maotwana a sena go rwesiwa dithunya tsa madutla, tiro ya go dira maotwana ya bo e feditswe. Le gona a dira lewatle le le bopilweng ka kgotlho. Go le kgabaganya go tswa losing go ya losing e ne e le mabogo a le some; le le tshekeletsa; boteng jwa lone e le mabogo a le matlhano, mme mogala wa mabogo a le 30 o le kopanya tikologong. Ditshwantsho tsa diphare di ne di le dikologa ka fa tlase ga losi lwa lone tikologong; di ne di le some mo lebogong le lengwe di dikologa lewatle tikologong, e le methalo e le mebedi ya diphare, di bopilwe mmogo le lewatle fa le bojwa. Le ne le pegilwe mo dikgomong tsa kgotlho di le 12, di le tharo di lebile kwa bokone, tse tharo kwa bophirimatsatsi, tse tharo kwa borwa, tse tharo kwa botlhabatsatsi, mme lewatle le le mo godimo ga tsona, marago otlhe a tsona a le ka fa tlase ga lone. Bokima jwa lebota la lone e ne e le bophara jwa seatla. Losi lwa lone lo ne lo bopegile jaaka losi lwa nkgo, jaaka sethunya se se thuntseng. Le ne le tladiwa ka ditsaga di le 360. Le gona a dira dikolotsana tsa tlhatswetso di le some tsa kgotlho; boleele le bophara jwa dikolotsana tsotlhe e ne e le mabogo a mane; bogodimo jwa tsona e le mabogo a mararo. Kolotsana tse di ne di dirilwe ka mokgwa o: Di ne di na le dipati tsa kgotlho mo ditlhakoreng, di kopantswe ka mepakwana. Mo dipating tsa ditlhakore tse di fa gare ga mepakwana go ne go le ditshwantsho tsa ditau le dikgomo le boKerubime, le mo mepakwaneng go le jalo. Ka fa godimo le ka fa tlase ga ditau le dikgomo go ne go le dithunya le matlhare di fololetswe. Kolotsana nngwe le nngwe e ne e na le maotwana a le mane a kgotlho le diase tsa kgotlho. Mepako e mene ya dikhutlo e ne e na le dinaka; dinaka tseo di ne di bopilwe go tshegetsa mogopo. Mo go tsona go ne go le matlhare le dithunya tse di fololetsweng. Molomo wa yona fa go tsenang mogopo o ne o le fa gare ga dinaka; boteng jwa ona e le letsogo. Molomo wa yona o ne o le tshekeletsa, o le kgapa gore mogopo o tsene. Bophara jwa ona e le letsogo le bontlhanngwe jwa lone. Le mo tikologong ya molomo wa yona go setilwe ditshwantsho. Mme mepako ya ona e ne e na le dikhutlo tse nne e se potokwe. Maotwana a mane a ne a le fa tlase ga dipati tse di thibang ditlhakore; ditshegetso tsa maotwana di ne di tshwaraganye le kolotsana. Kgabaganyo ya leotwana lengwe le lengwe e ne e le letsogo le bontlhanngwe jwa lone. Maotwana a ne a dirilwe jaaka maotwana a koloi; ditshegetso le difelane le dipeke le meruba tsa ona di ne di bopilwe mmogo. Dinaka di le nne di ne di le mo godimo ga mepako e mene ya dikhutlo ya kolotsana nngwe le nngwe. Kolotsana le dinaka tsa yona e ne e le kgotlho e e bopagantsweng. Mo godimo ga kolotsana go ne go le kgare e e tshegetsang mogopo; bogodimo jwa yona e le bontlhanngwe jwa letsogo. Mo godimo ga kolotsana go ne go le ditshegetso tsa yona le dipati tse di thibang tsa yona, e le tsa kgotlho e e bopagantsweng. A ba a seta boKerubime le ditau le mekolane mo bophaphathing jwa ditshegetso tsa yona le mo dipating tse di thibang tsa yona ka fa manno a lekanyeng ka teng, le matlhare le dithunya tse di fololetsweng mo tikologong. Dikolotsana di le some tsa tlhatswetso o ne a di dira jalo; di bopilwe ka go tshwana, di na le selekanyo se le sengwe fela le tebego e le nngwe fela. Le gona a dira megopo e le some ya kgotlho. Mogopo mongwe le mongwe wa tladiwa ke ditsaga di le 9. Bophara jwa mogopo mongwe le mongwe e le mabogo a le mane. Kolotsana nngwe le nngwe e na le mogopo wa yona. Dikolotsana tse tlhano a di baya mo lotlhakoreng lwa borwa lwa Ntlo ya Modimo, tse tlhano mo lotlhakoreng lwa bokone lwa Ntlo ya Modimo. Lewatle lone a le baya kwa sekhutlong sa Ntlo ya Modimo sa botsheka jwa borwa le botlhabatsatsi. Le gona Hirame a dira dipitsa le diolola-melora le dinkgo tsa kgatshetso. Hirame a ba a wetsa tiro yotlhe e a e direlang kgosi Salomo go nna tsa Ntlo ya Morena, e bong maotwana a mabedi le dikgolokwe tsa ditlhogo tse di mo godimo ga maotwana a mabedi le ditoganyo tse pedi tsa go kgabisa dikgolokwe tse pedi tsa ditlhogo tse di mo godimo ga maotwana le digaranata tse di 400 tsa ditoganyo tse pedi; e le dikeetane tse pedi tsa digaranata tsa toganyo nngwe le nngwe go kgabisa dikgolokwe tse pedi tsa ditlhogo tse di mo godimo ga maotwana; le dikolotsana tsa tlhatswetso di le some le megopo e le some mo dikolotsaneng le lewatle le le lengwe le dikgomo di le 12 ka fa tlase ga lewatle le dipitsa le diolola-melora le dinkgo tsa kgatshetso. Mme dilo tsotlhe tseo tse Hirame o neng a di direla kgosi Salomo go nna tsa Ntlo ya Morena e ne e le tsa kgotlho e e rethefaditsweng. Kgosi ya laela gore di bopiwe kwa lebaleng la Joretane fa go leng mmu o o boteng fa gare ga Sukothe le Sarethane. Salomo a se ka a lekanya dilo tsotlhe ka ntlha ya bontsi jo bogolo jwa tsona, mme ga se ka ga lekanngwa bokete jwa kgotlho. Le gona Salomo a dira dilo tsotlhe tse di mo Ntlong ya Morena, e bong aletare ya gouta le lobati lwa gouta lo dinkgwe tsa tshupo di bewang mo go lone, le ditlhomo tsa dipone tsa gouta e e sa pekwang di le tlhano mo ntlheng ya le le jang le di le tlhano mo ntlheng ya la molema ka fa pele ga Felo fa go kwa Tengteng; le dithunya le dipone le dipoma tsa tsona, tsotlhe e le tsa gouta; le megotšwana le dithipa le dinkgo tsa kgatshetso le dijana le diolola-melora ka gouta e e sa pekwang. Le dikaniri tsa ditswalo tsa Ntlo e e kwa Tengteng tsa Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le tsa ditswalo tsa Felo-ga-Boitshepo ga Ntlo ya Morena e ne e le tsa gouta. Jaanong e rile tiro yotlhe e kgosi Salomo o neng a e direla Ntlo ya Morena e sena go fela, Salomo a tsenya dineo tse di boitshepo tsa ga Dafita rraagwe le selefera le gouta le dilo tsa mefutafuta a di baya mo dipolokelong tsa Ntlo ya Morena. Morago ga moo Salomo a kgobokanya bagolo ba Iseraele le dikgosana tsotlhe tsa ditso le ditlhogo tsa dikgoro tsa Baiseraele kwa go ene kwa Jerusalema, e le go tsaya Letlole la Kgolagano ya Morena kwa motseng wa ga Dafita o e leng Sione. Le banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela kwa go kgosi Salomo moletlong ka kgwedi ya Ethanime; ke yona kgwedi ya bosupa. Jaanong e rile bagolo botlhe ba Iseraele ba sena go goroga, baperesiti ba tsaya Letlole, ba tlisa Letlole la Morena le Tente ya Boipontsho le dilo tsotlhe tse di boitshepo tse di neng di le mo go yona; baperesiti le Balefi ba di tlisa. Mme kgosi Salomo le phuthego yotlhe ya Baiseraele ba ba neng ba phuthegetse kwa go ene, ba na nae fa pele ga Letlole, ba tlisa ditlhabelo tsa difutshane le tsa dikgomo tse dintsi tse di se nang palo. Baperesiti ba isa Letlole la Kgolagano ya Morena kwa felong ga lone kwa Felong fa go kwa Tengteng ga Ntlo ya Modimo, e bong ga Boitshepo-jwa-Maitshepo kwa tlase ga diphuka tsa boKerubime, ka boKerubime ba ne ba tsharolotse diphuka godimo ga Letlole; ba sireletsa Letlole le disikari tsa lone ba le okame. Disikari di ne di le ditelele, mo dintlha tsa tsona di neng di bonala kwa Felong-ga-Boitshepo ka fa ntle ga Felo fa go kwa Tengteng, mme di sa bonale ka kwa ntle; di sa le teng go fitlha letsatsing la kajeno. Go ne go se sepe mo Letloleng fa e se matlapa a mabedi a maboti a Moše o neng a a tsenya mo teng kwa thabeng ya Horebe, kwa Morena o neng a dira kgolagano teng le Baiseraele, jale fa ba huduga kwa lefatsheng la Egepeto. Jaanong e rile baperesiti ba tswa mo Felong-ga-Boitshepo, leru la tlala ka Ntlo ya Morena, mo baperesiti ba bileng ba palelwa ke go ema le go dira tsa tirelo-Modimo ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo ya Morena e ne e tletse mo Ntlong ya Morena. Ke fa Salomo a re: “Morena a re, o rata go nna mo bontshong jwa maru. Jaanong ke go agetse Ntlo, ke bonno jo bo tlhomameng, gore o nne teng ka bosakhutleng.” Jaanong kgosi ya retologa, ya tshegofatsa phuthego yotlhe ya Iseraele, phuthego e ntse e eme. Gape ya re: “A go tumisiwe Morena, Modimo wa Iseraele, o o dirafaditseng ka seatla sa ona se o se solofeditseng Dafita rre ka molomo wa ona wa re: ‘E sa le ka letsatsi le ke ntshitseng morafe wa me wa Iseraele kwa Egepeto ka lone, ga ke ise nke ke tlhophe motse ope mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go aga Ntlo teng gore leina la me le nne teng; mme ke tlhaotse Dafita gore a okamele morafe wa me wa Iseraele.’ “E rile rre Dafita a ikaeletse go agela leina la Morena, Modimo wa Iseraele, Ntlo Morena a raya Dafita rre a re: ‘Maikaelelo a pelo ya gago a go agela leina la me Ntlo a siame. Fela wena ga o ne o aga Ntlo ya me, mme morwao yo o tla mo tsalang ke ene yo o tla agelang leina la me Ntlo.’ “Jaanong Morena o dirafaditse lefoko la gagwe le o le buileng. Kana ke tsogile mo boemong jwa ga Dafita rre, ke ntse mo sedulong sa bogosi sa Iseraele jaaka Morena a buile, ke agetse leina la Morena, Modimo wa Iseraele, Ntlo, ke baakanyeditse Letlole bonno teng le tshupo ya kgolagano ya Morena e leng mo go lone e o e dirileng le borraetsho, jale fa a ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto.” Ke fa Salomo a ema fa pele ga aletare ya Morena, phuthego yotlhe ya Iseraele e mo lebile, a tsholeletsa mabogo kwa legodimong a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, kwa godimo mo legodimong le fa fatshe mo lefatsheng ga go na modimo ope o o tshwanang nao. Wena o bolokela batlhanka ba gago kgolagano le bopelotlhomogi fa ba sepela fa pele ga gago ka pelo yotlhe. Wena o diretse motlhanka wa gago Dafita rre tse o di mo solofeditseng. Ruri, o ne o di buile ka molomo wa gago, mme jaanong o di dirafaditse ka seatla sa gago jaaka go ntse kajeno. “Jaanong he, Morena, Modimo wa Iseraele, dirafaletsa motlhanka wa gago Dafita rre le tse o di mo solofeditseng wa re: ‘Ga o kitla o tlhoka monna fa pele ga me yo o dutseng mo sedulong sa bogosi sa Iseraele; ke raya fela fa bana ba gago ba disa tsela ya bone ka go sepela fa pele ga me jaaka wena.’ Jaanong he, Modimo wa Iseraele, ka thapelo, a lefoko la gago le o le solofeditseng motlhanka wa gago Dafita rre le direlwe nnete. “Mme a ruri Modimo o ka aga mono lefatsheng? Kana legodimo le legodimo le le godimodimo ga le go lekane. Jaanong Ntlo e ke e agileng yona e tlhaela bogolo jang! Morena, Modimo wa me, ngoka thapelo ya motlhanka wa gago le mokokotlelo wa gagwe gore o utlwe go goelela le go rapela mo motlhanka wa gago a go rapelang fa pele ga gago kajeno le gore matlho a gago e nne a a budulogetseng Ntlo e bosigo le motshegare, e bong felo fa o buileng ka ga gona wa re: ‘Leina la gago,’ Modimo, le tla nna teng; gape le go re o utlwe thapelo e motlhanka wa gago o tla e rapelang a lebile felo fano. A ko o utlwe mokokotlelo wa motlhanka wa gago le wa morafe wa gago wa Iseraele o ba tla o rapelang ba lebile felo fa; o utlwe o le kwa felong fa o nnang teng kwa legodimong, mme o re o o utlwa o ba itshwarele. “E re fa motho a leofetse mongwe-ka-ene, mme ba mo ikanisa gore a ikhutse, mme a tla a bua khutso fa pele ga aletare ya gago fa Ntlong e, foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshupe ka tiro, o direle batlhanka ba gago tshiamo ka go atlhola moikepi, o re o molato ka go digela mosepele wa gagwe mo tlhogong ya gagwe le ka go atlholela mosiami, o re ga a na molato ka go mo naya ka fa tshiamong ya gagwe. “E re fa morafe wa gago wa Baiseraele o fenngwa ke mmaba, ka ba tla bo ba go leofetse, mme ba sokologela kwa go wena, ba ipolela leina la gago, ba rapela, ba go kokotlela mo Ntlong e, foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshwarele boleo jwa morafe wa gago wa Baiseraele, o ba busetse kwa nageng e o e fileng borraabo. “E re fa legodimo le tswetswe go se na pula, ka ba tla bo ba go leofetse, mme ba rapela ba lebile felo fa, ba ipolela leina la gago, ba latlha boleo jwa bone, ka o tla bo o ba kokobetsa, foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshwarele boleo jwa motlhanka wa gago le jwa morafe wa gago wa Baiseraele – kana o ba ruta tsela e e siameng e ba tshwanetseng go sepela mo go yona – o nesetse lefatshe la gago pula le o le neileng morafe wa gago go nna boswa. “E re fa go le tlala mo lefatsheng, fa go le leroborobo, fa go le phori gongwe mongadule gongwe boijane gongwe tsie, fa mmaba wa morafe a o dikanyetsa ka ntwa mo lefatsheng kwa go nngwe ya dikgoro tsa ona, le fa go le pogo efe gongwe bolwetse bofe, foo o utlwe thapelo nngwe le nngwe le selelo sengwe le sengwe, le fa e le sa motho ofe, le fa e le sa morafe otlhe wa gago wa Baiseraele, ka ba tla bo ba lemoga gore ke petso, mongwe le mongwe mo pelong ya gagwe, ba tsholeletsa mabogo kwa Ntlong e, foo o utlwe o le kwa legodimong kwa bonnong kwa o nnang teng, o ba itshwarele, o itshupe ka tiro, o nee mongwe le mongwe ka fa ditsamaong tsotlhe tsa gagwe. Kana o itse pelo ya gagwe! Gonne ke wena o le wesi fela o itseng pelo ya motho mongwe le mongwe gore ba go boife ka malatsi otlhe a ba phelang ka ona mo lefatsheng le o le neileng borraetsho. “Le ene moditšhaba yo e seng wa morafe wa gago wa Iseraele, fa a tswa kwa lefatsheng le le kgakala ka ntlha ya leina la gago, o mo utlwe; gonne ba tla utlwela leina le legolo la gago le seatla se se thata sa gago le letsogo le le otlologileng la gago. Fa a tla a rapela a lebile Ntlo e, foo o utlwe o le kwa legodimong kwa bonnong kwa o nnang teng, o dire tsotlhe tse moditšhaba o goelang kwa go wena ka ntlha ya tsona gore merafe yotlhe ya lefatshe e itse leina la gago, e go boife jaaka morafe wa gago wa Iseraele; e be e lemoge gore Ntlo e, e ke e agileng, e agetswe leina la gago. “E re fa morafe wa gago o bolola go ya go tlhabana le baba ba ona ka taelo ya gago, mme ba rapela Morena ba lebile kwa motseng o ò o tlhophileng le kwa Ntlong e ke e agetseng leina le gago, foo o utlwe thapelo ya bone le selelo sa bone o le kwa legodimong, o ba direle tshiamo. “E re fa ba go leofela – kana ga go na motho yo o sa leofeng! – mme o ba galefela, o ba neela mo diatleng tsa mmaba, mme bathopi ba bone ba ba isa mo botshwarong kwa lefatsheng la mmaba le le kgakala gongwe le le gaufi; jaanong fa ba itshôla kwa lefatsheng le ba isitsweng teng mo botshwarong, ba sokologa, ba lelela kwa go wena kwa lefatsheng la bathopi ba bone ba re: ‘Re leofile, ra dira tse di sokameng, ra ikepa!’ Fa ba boela jalo kwa go wena ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe ba le kwa lefatsheng la baba ba bone ba ba ba isitseng mo botshwarong, ba go rapela ba lebile kwa lefatsheng la bone le o le neileng borraabo le kwa motseng o ò o tlhophileng le kwa Ntlong e ke e agetseng leina la gago, foo o utlwe thapelo ya bone le selelo sa bone o le kwa legodimong kwa bonnong kwa o nnang teng, o ba direla tshiamo; o itshwarele morafe wa gago tse ba go leofetseng ka tsona le ditlolo tsotlhe tsa bone tse ba ikepileng mo go wena ka tsona, o ba neele go bona boutlwelo-botlhoko mo bathoping ba bone gore ba ba utlwele botlhoko. Gonne ke bone morafe wa gago le boswa jwa gago, ba o ba ntshitseng kwa Egepeto mo teng ga leiso le le gakolosang tshipi. “A matlho a gago a nne a budulogetse selelo sa motlhanka wa gago le selelo sa morafe wa gago wa Iseraele gore o ba utlwe mogang ba go rapelang. Gonne wena o ba lomolotse mo merafeng yotlhe ya lefatshe go nna boswa jwa gago jaaka o buile ka Moše motlhanka wa gago jale fa o ntsha borraetsho kwa Egepeto, Morena Modimo.” Jaanong ya re Salomo a sena go rapela thapelo yotlhe e le mokokotlelo o mo Moreneng, a khubamologa fa pele ga aletare ya Morena fa a neng a khubame teng, a tsholeleditse mabogo kwa legodimong; a ema a tshegofatsa phuthego yotlhe ya Iseraele a tlhatlositse lentswe a re: “A go tumisiwe Morena yo o neileng morafe wa gagwe wa Iseraele boikhutso fela jaaka a solofeditse. Ga go na lefoko lepe la tsholofetso yotlhe e e molemo e o e buileng ka Moše motlhanka wa gagwe, le le sa dirafalang. A Morena, Modimo wa rona o nne le rona jaaka o ne o na le borraetsho; a o se ka wa re tlogela le e seng go re latlha. Mme a o sekamisetse dipelo tsa rona kwa go ona gore re sepele gotlhe mo ditseleng tsa ona, re tshegetse ditaolo tsa ona le melao ya ona le ditshiamelo tsa ona tse o di laetseng borraetsho. Mme mafoko a me a, a ke kokotletseng fa pele ga Morena ka ona, a a nne gaufi le Morena, Modimo wa rona, bosigo le motshegare gore o direle motlhanka wa ona le morafe wa ona wa Iseraele tshiamo ka fa go batlegang ka teng ka letsatsi lengwe le lengwe gore merafe yotlhe ya lefatshe e tle e itse gore Morena ke ene Modimo, go se ope o sele. Mme a dipelo tsa lona di ineele Morena, Modimo wa rona, ka botlalo gore lo sepele ka fa melaong ya ona, lo tshegetse ditaolo tsa ona jaaka gompieno.” Jaanong kgosi le Baiseraele botlhe nayo ba direla Morena ditlhabelo: Salomo a tlhaba ditlhabelo tsa tebogo, a di tlhabela Morena, e bong dikgomo di le 22 000 le difutshane di le 120 000. Kgosi le Baiseraele botlhe ba ne ba kgakola Ntlo ya Morena jalo. Ka letsatsi leo kgosi ya itshepisa bogare jwa lelapa le le mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo ya Morena; gonne teng o ne a tlisa ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura a ditlhabelo tsa tebogo, ka aletare ya kgotlho e e neng e le fa pele ga Morena e le potlana, e sa lekane ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura a ditlhabelo tsa tebogo. Le gona ka sebaka seo Salomo a dira moletlo le Baiseraele botlhe e le phuthego e kgolo, ba tswa mo lefatsheng lotlhe go simolola ntlheng ya Hamathe go ya go fitlha kwa molatswaneng wa Egepeto, ba le fa pele ga Morena, Modimo wa rona, malatsi a supa le malatsi a supa gape, e le malatsi a le 14 mmogo. Ka letsatsi la robedi Salomo a naya morafe tsela, mme ba eleletsa kgosi letlhogonolo, ba boela kwa ditenteng tsa bone ba itumetse ba le pelo-di-thabileng ka ntlha ya tse di molemo tsotlhe tse Morena o di diretseng Dafita motlhanka wa gagwe le Iseraele morafe wa gagwe. E rile Salomo a sena go fetsa Ntlo ya Morena le ntlo ya kgosi le dilo tsotlhe tse o neng a rata go di dira, Morena a iponatsa la bobedi mo go Salomo jaaka a kile a iponatsa mo go ene kwa Gibeone. Mme Morena a mo raya a re: “Ke utlwile thapelo ya gago le mokokotlelo wa gago o ò o kokotletseng fa pele ga me. Ke itshepisitse Ntlo e, e o e agileng, ka go baya leina la me teng ka bosakhutleng; mme matlho a me le pelo ya me di tla nna teng ka malatsi otlhe. Jaanong fa le wena o sepela fa pele ga me jaaka Dafita rraago ka pelo e e se nang molato le ka nnete, ka go dira fela jaaka ke go laetse; fa o tshegetsa melao ya me le ditshiamelo tsa me, foo ke tla tlhomamisa sedulo sa bogosi sa gago sa go busa Iseraele ka bosakhutleng jaaka ke solofeditse Dafita rraago ka re: ‘Ga o kitla o tlhoka monna yo o dutseng mo sedulong sa bogosi sa Iseraele.’ Mme fa lo ka ntlhanogela, lwa ntlogela, lona le bana ba lona, lo sa tshegetse ditaolo tsa me le melao ya me e ke e beileng fa pele ga lona, mme lwa ya lwa direla medimo e sele lwa e obamela, gona ke tla nyeletsa Baiseraele mo nageng e ke e ba neileng. Le Ntlo e ke e itshepiseditseng leina la me ke tla e latlha, ke e tlosa fa pele ga me, mme Baiseraele ba tla fetoga seane le sefela sa tshotlo mo merafeng yotlhe. Mme Ntlo e e godimodimo e, e tla nna letlotla. Botlhe ba ba fetang fa go yona ba tla rerega ba botsa ba re: ‘Ke ka ntlha ya eng fa Morena a diretse lefatshe le, le Ntlo e tse di ntseng jaana?’ Foo ba tla re: ‘Ke ka gore ba tlogetse Morena, Modimo wa bone, o o ntshitseng borraabo kwa lefatsheng la Egepeto, ba ineela medimo e sele, ba e obamela, ba e direla. Ke ka moo Morena a tlisitseng tatlhego yotlhe e mo go bone.’ ” E rile dinyaga di le 20 di sena go feta tse Salomo o neng a aga matlo a mabedi ka tsona, e bong Ntlo ya Morena le ntlo ya kgosi, kgosi Salomo a naya Hirame metse e le 20 kwa lefatsheng la Galelea. Ke ka go re Hirame kgosi ya Tiro e ne e thusitse Salomo ka dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese le ka gouta fela ka fa a ratang ka teng. Ke fa Hirame a bolola kwa Tiro, a ya go sekaseka metse e Salomo o e mo fileng, fela a se ka a e itumelela. A feta a re: “Morwa-rra, metse eo e o e mphileng ke metse e e ntseng jang?” Ke ka moo e bidiwang lefatshe la Kabule go fitlha letsatsing leno. Mme Hirame o ne a rometse kgosi ditalente di le 120 tsa gouta. Kgang ke e ya banna ba mokuio ba kgosi Salomo o neng a ba kuile go aga Ntlo ya Morena le ntlo ya gagwe le kago ya phemelo ya Milo le lobota lwa Jerusalema le motse wa Hasore le Megito le Gesere. Ka sebaka sele go ne ga bolola Farao, kgosi ya Egepeto a thopa motse wa Gesere, a o fisa ka molelo, a bolaya Bakanana ba ba neng ba agile mo motseng oo, a o abela morwadie mosadi wa ga Salomo, e le neo ya nyalo. Mme Salomo a aga Gesere gape – le Bethorone o o kwa tlase le Baalathe le Thamare kwa sekakeng mo lefatsheng la Juta le metse yotlhe ya dipolokelo tsa mabele e Salomo o neng a na nayo, le metse ya dikoloi tsa ntwa le metse ya bapalami ba dipitse le tse Salomo o neng a eletsa go di aga mo Jerusalema le kwa Lebanone le mo lefatsheng lotlhe la puso ya gagwe. Batho botlhe ba masalela a Baamori le Bahethe le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ba e seng ba Baiseraele, bana ba bone ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng sehularong sa bone, ba Baiseraele ba paletsweng ke go ba fedisa ka polao e e laetsweng ke Modimo, ke bone ba Salomo o neng a ba bolotsa go ya ditirong tsa mekuio. Ba sa ntse jalo le kajeno. Mme Salomo ga a ka a dira ope lekgoba mo Baiseraeleng; gonne bone e ne e le batlhabani le badiredi ba gagwe le dikgosana le ditlhogo tsa mephato le balaodi ba dikoloi tsa ntwa le ba bapalami ba dipitse. Baokamedi ba bagolo ba ba beilweng ke Salomo ba ba okamelang tiro ba ne ba le 550; bone ba ne ba laola batho ba ba dirang tiro. E rile e le gona morwadia Farao o tlogang kwa motseng wa ga Dafita, a hudugela kwa ntlong e Salomo o e mo agetseng, ya ba gona Salomo a agang kago ya phemelo ya Milo. Salomo o ne a tlisa ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo gararo ka ngwaga mo aletareng e o e agetseng Morena, e bile a tshuba maswalo mo aletareng e e neng e le fa pele ga Morena, a sena go fetsa Ntlo ya Modimo. Le gona kgosi Salomo o ne a dira dikepe kwa Esione-Gebere yo o bapileng le Elothe fa losing lwa Lewatle la Motlhaka mo lefatsheng la Baetomo. Mme Hirame a roma batlhanka ba gagwe ka dikepe tseo, e le banna ba dikepe ba ba itseng lewatle, mmogo le batlhanka ba ga Salomo. Ba fitlha kwa Ofire, ba tsaya ditalente di le 420 tsa gouta teng, ba di isa kwa go kgosi Salomo. E rile kgosigadi ya Šeba e utlwela tumedi ya ga Salomo le ya go tuma ka leina la Morena, ya tla go mo leka ka dipotso tse di thata. Ya tla kwa Jerusalema e na le lekoko le legolo thata le dikammele tse di belesitseng makga le gouta e ntsi thata le majwana a a tlhokegang, ya tla kwa go Salomo, ya mmotsa dilo tsotlhe tse di neng di le mo pelong ya yona. Salomo a e ranolela dipotso tsotlhe tsa yona, go se na sepe se se fitlhegetseng kgosi, se e paletsweng ke go se e tlhalosetsa. Mme ya re kgosigadi ya Šeba e bona botlhale jotlhe jwa ga Salomo le ntlo e o e agileng le dijo tsa lobati lwa gagwe le manno a batlhanka ba gagwe le go itshola ga badiredi ba gagwe le diaparo tsa bone le bathokedi ba gagwe le ditlhabelo tsa phiso tsa gagwe tse o neng a di dira kwa Ntlong ya Morena, ya felelwa ke kakanyo, ya raya kgosi ya re: “Polelo e ke e utlwileng kwa lefatsheng la me ka ga gago le ka ga botlhale jwa gago e ne e le nnete. Mme ga ke a ka ka dumela mafoko ao ga tsamaya ka tla, ka bona ka matlho, ka fitlhela tse ke di boleletsweng di fetwa ke bontlhanngwe jwa tse ke di bonang. O na le botlhale le khumo bogolo go tumo e ke e utlwileng. Go tlhogonolo batho ba gago, go sego batlhanka ba gago ba, ba ba ntseng ba go direla ka metlha, ba utlwa botlhale jwa gago. A Morena, Modimo wa gago, o tumisiwe o o kgatlhilweng ke wena, wa go baya mo sedulong sa bogosi sa Iseraele. E re ka Morena a rata Iseraele ka bosakhutleng, ke ka moo o go dirileng kgosi go dira ka tshiamo le tshwanelo.” Jaanong ya naya kgosi ditalente di le 120 tsa gouta le makga a mantsi thata le majwana a a tlhokegang. Makga a a kana ka ona a kgosigadi ya Šeba e a neileng kgosi Salomo ga a ise a ke a tlhole a tla gape mo lefatsheng. E bile dikepe tsa ga Hirame tse di neng di tlisa gouta, di e tsaya kwa Ofire, di ne di tlisa le dikgong tsa morukuru tse dintsi thata le majwana a a tlhokegang. Kgosi ya direla Ntlo ya Morena le ntlo ya kgosi maikaego a tshireletso ka dikgong tseo tsa morukuru le dikatara le diharepa tsa baopedi. Dikgong tsa morukuru tse di ntseng jalo ga di ise di ke di tlhole di tla gape mo lefatsheng le e seng go bonwa go fitlha kajeno. Kgosi Salomo a naya kgosigadi ya Šeba tsotlhe tse e neng e di eletsa e di kopa, kwa ntle ga tse a di e nayang fela ka fa seatla sa kgosi Salomo se kgonang ka teng. Jaanong ya hulara, ya boela kwa lefatsheng la yona e na le batlhanka ba yona. Bokete jwa gouta e e neng e tsisediwa Salomo ka ngwaga o le mongwe, e ne e le ditalente di le 666 tsa gouta go sa balwe e e tswang mo banneng ba ba kgarakgatshegang go gweba le mo papalong ya barekisi le mo dikgosing tsotlhe tsa Arabia le mo balaoding ba lefatshe. Kgosi Salomo a dira dithebe di le 200 tsa gouta e e papetlilweng; thebe e le nngwe ya dirwa ka dišekele di le 600 tsa gouta, le dithejana di le 300 tsa gouta e e papetlilweng; thejana e le nngwe ya dirwa ka diponto di le tharo tsa gouta; kgosi ya di baya kwa Ntlong-ya-Sekgwa-sa-Lebanone. Le gona kgosi ya dira sedulo se segolo sa bogosi ka dinaka tsa tlou, ya se manega gouta e e sa pekwang. Sedulo seo sa bogosi se ne se na le mapalamo a le marataro le moikaego o o tlhogo e tshekeletsa; manno a sona a ne a na le maikhutso a mabogo; ditau tse pedi tsa bo di eme fa thoko ga maikhutso ao. Ditau di le 12 tsa bo di eme teng mo ntlheng tse pedi tsa mapalamo a marataro. Ga go na bogosi bope jo bo kileng jwa direlwa tse di ntseng jalo. Dinwelo tsotlhe tsa kgosi Salomo e ne e le tsa gouta; dijana tsotlhe tsa Ntlo-ya-Sekgwa-sa-Lebanone le tsona e le tsa gouta e e sa pekwang; go se na selefera mo go tsona, ka e ne e sa kaiwe sepe mo malatsing a ga Salomo. Gonne kgosi e ne e na le dikepe tsa Tharesise mo lewatleng, di tsamaya mmogo le tsa ga Hirame. Dikepe tseo tsa Tharesise di ne di goroga mo gae gangwe mo ngwageng tse tharo, di tla di tshotse gouta le selefera le dinaka tsa tlou le dikgabo le diphikoko. Kgosi Salomo o ne a nna mogolo jalo, a feta dikgosi tsotlhe tsa lefatshe ka khumo le botlhale. Ba lefatshe lotlhe ba ne ba eletsa go bona Salomo gore ba reetse botlhale jwa gagwe jo Modimo o neng o bo mo file mo pelong. Mme mongwe le mongwe wa bone o ne a tla ka neo ya gagwe ka ngwaga le ngwaga, e ka nna dilo tsa selefera gongwe dilo tsa gouta gongwe dikobo gongwe dibolai gongwe makga gongwe dipitse gongwe meboulwe. Le gona Salomo a ikgobokanyetsa dikoloi tsa ntwa le bapalami ba dipitse; a na le dikoloi tsa ntwa di le 1 400 le bapalami ba dipitse ba le 12 000; a ba baya mo metseng ya dikoloi le mo Jerusalema fa kgosing. Kgosi ya dira gore go nne selefera mo Jerusalema e e kana ka majwe ka bontsi; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane le megokare ya naga e e kwa tlase ka bontsi. Dipitse tsa ga Salomo di ne di tswa kwa Egepeto le kwa Kgoa; barekedi ba kgosi ba di reka kwa Kgoa ka madi. Go rekwa dikoloi kwa Egepeto, e le nngwe e ja dišekele di le 600 tsa selefera; le dipitse, e le nngwe e ja di le 150. Di rekwa jalo ke dikgosi tsotlhe tsa Bahethe le tsa Siria mo diatleng tsa bagwebi. Kgosi Salomo o ne a rata basadi ba bantsi ba ditšhaba mmogo le morwadia Farao e le ba Bamoabe le Baamone le Baetomo le Basitone le Bahethe; ba tswa kwa ditšhabeng tse Morena o laetseng Baiseraele ka ga tsona a re: “Lo se ka lwa tsena mo go bone, le bone ba se ka ba tsena mo go lona, e se re gongwe ba faposetsa dipelo tsa lona kwa medimong ya bone.” Bone bao Salomo a ba ngaparela ka lorato. O ne a na le basadi ba bahumagadi ba le 700 le bagadingwana ba le 300, mme basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe. E rile ka sebaka sa botsofe jwa ga Salomo, basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe gore a latele medimo e sele, mme pelo ya gagwe ya se ka ya nna le Morena, Modimo wa gagwe, ka botlalo jaaka pelo ya ga Dafita rraagwe. Salomo a sala Ašethorethe modimo wa sesadi wa Basitone morago, a ba a latela Milekome maila a Baamone. Salomo a dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a se ka a latela Morena ka botlalo jaaka Dafita rraagwe. Kamose, maila a Bamoabe, le Mologe, maila a Baamone, Salomo a ba agela dithota tsa tlhabelo mo thabeng e e mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerusalema ka sebaka seo. A direla basadi botlhe ba gagwe ba ditšhaba di sele jalo ba ba neng ba tshubela medimo ya bone maswalo, ba e direla ditlhabelo. Mme Morena a galefela Salomo, ka pelo ya gagwe e fapogile mo Moreneng, Modimo wa Iseraele, o o neng o iponaditse gabedi mo go ene, wa mo laela mabapi le tema e gore a se ka a latela medimo e sele, mme ene a se ka a tshegetsa se Morena a se mo laetseng. Ke ka moo Morena a reileng Salomo a re: “E re ka o dirile molato o o ntseng jalo, mme o se ka wa tshegetsa kgolagano ya me le melao ya me e ke e go laetseng, ruri, ke tla gagola bogosi mo go wena, ke bo neela motlhanka wa gago. Fela ga ke ne ke dira jalo ka malatsi a gago ka ntlha ya ga Dafita rraago, mme ke tla bo gagola mo diatleng tsa ga morwao. Mme ga nkitla ke gagola bogosi jotlhe mo go ene; ke tla neela morwao lotso lo le longwe ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me le ka ntlha ya Jerusalema yo ke mo tlhophileng.” Mme Morena a tsosetsa Salomo mmaba, e bong Hatate wa Moetomo; ene e ne e le wa losika lwa kgosi kwa Etomo. E rile Dafita a fenya Baetomo, mme Joabe molaodi wa mephato a bolola go fitlha ba ba bolailweng, a bolaya botlhe ba batonanyana mo Etomo. Gonne Joabe o ne a nna dikgwedi di le thataro teng a na le Baiseraele botlhe, ga tsamaya ba fetsa botlhe ba batonanyana mo Etomo. Mme Hatate a tshaba, ene le banna bangwe ba Baetomo ba batlhanka ba ga rraagwe go ya kwa Egepeto, Hatate e sa le mosimane. Ba nanoga kwa Midiane, ba goroga kwa Pharane, ba tsaya banna ba ba tlogang nabo kwa Pharane, ba be ba fitlha kwa Egepeto fa go Farao, kgosi ya Egepeto; yona ya mo fa ntlo, ya laola gore a fiwe dijo, ya mo naya naga. Hatate a bona bopelotlhomogi jo bogolo mo matlhong a ga Farao mo a bileng a mo naya mosadi, e bong monnaa mosadi wa gagwe monnawe Thagaphenese mohumagadi yo mogolo. Monnaa Thagaphenese a mmelegela ngwana wa mosimane wa gagwe, e bong Genubathe. Thagaphenese a ba a mo godisa mo ntlong ya ga Farao. Genubathe o ne a nna jalo mo ntlong ya ga Farao, a na le bomorwa Farao. Jaanong e rile Hatate a utlwa a le kwa Egepeto gore Dafita o robetse le borraagwe le gore Joabe molaodi wa mephato o sule, Hatate a raya Farao a re: “Mphe tsela, ke boele kwa lefatsheng la ga etsho.” Mme Farao o mmotsa a re: “Kana o tlhoka eng mo go nna, fa o re o rata go boela kwa lefatsheng la ga eno?” A re: “E seng sepe! Fela mphe tsela.” Modimo o bile wa tsosetsa Salomo mmaba yo mongwe, e bong Resone morwa Eliata yo o neng a tshabile mongwagwe Hatatesere kgosi ya Soba. E rile Dafita a ba bolaya, Resone a iphuthela banna, a nna molaodi wa lekoko la dinokwane, ba ya kwa Damaseko ba nna gona, ba busa kwa Damaseko. Ene e ne e le mmaba wa Baiseraele ka malatsi otlhe a ga Salomo, a dira bosula jaaka Hatate, a tenwa ke Baiseraele, a nna kgosi ya Siria. Le Jerobeame morwa Nebate Moeferaime wa kwa Sereta, motlhanka wa ga Salomo, a tsholeletsa kgosi letsogo. Leina la ga mmaagwe e ne e le Serua, mosadi wa motlholagadi. Se se dirileng gore a tsholeletse kgosi letsogo ke se: Salomo o ne a aga kago ya phemelo ya Milo, a thiba phatlha ya motse wa ga Dafita rraagwe. Mme Jerobeame yoo e ne e le monna yo o setswerere; ya re Salomo a bona lekau leo le itse tiro sentle, a le laodisa badiri botlhe ba mekuio ba lotso lwa ga Josefa. Jaanong ga dirafala ka sebaka seo ya re Jerobeame a tswa kwa Jerusalema, moporofeti Ahia wa kwa Silo a kgatlhana nae mo tseleng a apere kobo e ntšhwa; ba ne ba le bosi fela kwa nageng boo babedi. Ke fa Ahia a ikapola kobo e ntšhwa e a e apereng, a e gagola dibata di le some le metso e mebedi, a raya Jerobeame a re: “Itseele dibata di le some! Gonne Morena Modimo wa Iseraele o bua jaana o a re: ‘Bona, ke tla gagola bogosi mo diatleng tsa ga Salomo, ke go naya ditso di le some. Mme lotso lo le longwe e tla nna lwa gagwe ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me le ka ntlha ya Jerusalema, ona motse o ke o tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele. Ke ka gonne o ntlogetse, a obamela Ašethorethe modimo wa sesadi wa Basitone le Kamose modimo wa Bamoabe le Milekome modimo wa Baamone, mme a se ka a sepela mo ditseleng tsa me ka go dira tse di siameng mo matlhong a me, e bong melao ya me le ditshiamelo tsa me jaaka Dafita rraagwe. Legale ga nkitla ke ntsha bogosi jotlhe mo diatleng tsa gagwe, mme ke tla mmaya morena ka malatsi aotlhe a bophelo jwa gagwe ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng, yo o tshegeditseng ditaolo tsa me le melao ya me. Mme ke tla ntsha bogosi mo diatleng tsa ga morwawe, ke bo go naya e bong ditso di le some. Fela ke tla naya morwawe lotso lo le longwe gore Dafita motlhanka wa me a nne le lobone ka malatsi aotlhe fa pele ga me mo Jerusalema, ona motse o ke o itlhaoletseng go baya leina la me teng. Mme wena ke tla go tsaya gore o laole tsotlhe tse pelo ya gago e di eletsang, mme o tla nna kgosi ya Iseraele. Jaanong fa o ka utlwa tsotlhe tse ke tla di go laelang, wa sepela mo ditseleng tsa me, wa dira tse di siameng mo matlhong a me ka go tshegetsa melao ya me le ditaolo tsa me jaaka go dirile Dafita motlhanka wa me, foo ke tla nna nao ke go agela ntlo e e tlhomameng jaaka ke e agetse Dafita, ke go naya Iseraele. Ke tla kokobetsa losika lwa ga Dafita ka ntlha ya tseo, fela e seng ka metlha yotlhe.’ ” Mme Salomo a leka go bolaya Jerobeame, fela Jerobeame a nanoga a tshabela kwa Egepeto kwa go Sisake kgosi ya Egepeto, a nna kwa Egepeto go ya losong lwa ga Salomo. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Salomo le tsotlhe tse o di dirileng le botlhale jwa gagwe kana tsone di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa malatsi a ga Salomo. Sebaka se Salomo o busitseng Baiseraele botlhe ka sona kwa Jerusalema e ne e le dinyaga di le 40. Mme Salomo a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Rehabeame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Rehabeame a ya kwa Šegeme, gonne Baiseraele botlhe ba ne ba ile kwa Šegeme go mo tlhoma mo bogosing. Mme Jerobeame morwa Nebate a utlwa jalo. Kana ene o ne a sa ntse a le kwa Egepeto kwa a neng a tshabetse teng, a tshaba kgosi Salomo; Jerobeame o ne a ile go nna kwa Egepeto. Baiseraele ba roma go ya go mmitsa. Jaanong Jerobeame a tla le phuthego yotlhe ya Iseraele, ba bua le Rehabeame ba re: “Rraago o ne o imafatsa joko ya rona. Jaanong he, wena o re imolole mo tirong e e thata ya ga rraago le mo jokong e e makete ya rona e a e re rwesitseng, foo re tla go direla.” Mme ene a ba raya a re: “Tsamayang lo iketle malatsi a le mararo, morago lo boele go nna.” Batho ba tsamaya. Ke fa kgosi Rehabeame a gakololana le banna bagolo ba ba neng ba direla Salomo rraagwe a sa ntse a phela, a re: “Nkgakololang ka fa nka arabang morafe o ka teng.” Ba mo raya ba re: “Fa o ka dumalelana le batho ba kajeno, wa ba direla, wa utlwana nabo, wa bua mafoko a a bopelonomi nabo, ba tla nna batlhanka ba gago ka malatsi otlhe.” Mme a tlhokomologa kgakololo ya banna bagolo e ba e mo neileng; a ya a gakololana le ba bašwa ba ba godileng nae ba ba mo direlang, a ba botsa a re: “Lona lo gakolola eng se re ka se arabang batho ba ba ntheileng ba re: ‘Tlhofofatsa joko e rraago a e re rwesitseng’?” Ba bašwa ba ba godileng nae ba mo araba ba re: “O ree morafe o o buileng nao wa re: ‘Rraago o ne a imafatsa joko ya rona, mme wena o e re tlhofofaletse!’ O ba arabe jaana o re: ‘Monwana o monnye wa me o feta letheka la ga rre ka bokima. Jaanong he, rre o ne a lo rwesa joko e e makete, mme nna ke tla okeletsa joko ya lona bokete; rre o ne o lo ôtla ka dime, mme nna ke tla lo otla ka diphepheng.’ ” Ka letsatsi la boraro ga tla Jerobeame le morafe otlhe jaaka kgosi e laetse ya re: “Boelang kwano go nna ka letsatsi la boraro.” Ke fa kgosi e naya morafe karabo e e thata, e tlogela kgakololo ya banna bagolo e ba neng ba e e file, e bua nabo ka fa kgakololong ya ba bašwa e re: “Rre o imafaditse joko ya lona, mme nna ke tla okeletsa joko ya lona bokete. Rre o ne lo betsa ka dime, mme nna ke tla lo betsa ka diphepheng.” Kgosi ya se ka ya utlwana le morafe. Mme e ne e le se se tswang kwa Moreneng gore a tle a dirafatse lefoko la gagwe le o le buileng le Jerobeame morwa Nebate ka Ahia wa Silo. Ya re Baiseraele botlhe ba bona kgosi e sa utlwane nabo, ba fetola kgosi ba re: “Kabelo ya rona ke eng mo go Dafita? Le gona ga re na boswa mo go morwa Isai. Boelang kwa ditenteng tsa lona, Baiseraele! Sala jalo le lelapa la gago, Dafita!” Mme Baiseraele ba tsamaya ba boela kwa ditenteng tsa bone. Rehabeame a busa Baiseraele fela ba ba neng ba agile mo metseng ya Juta. Mme ya re kgosi Rehabeame a roma Atorame yo o neng a okametse badiri ba mekuio, Baiseraele botlhe ba mo kgobotletsa ka majwe, a ba a swa. Ke fa kgosi Rehabeame a itlhaganela, a palama koloi, a tshabela kwa Jerusalema. Baiseraele ba ne ba ikepa jalo mo ntlong ya ga Dafita go fitlha letsatsing la kajeno. E rile Baiseraele botlhe ba utlwa go twe, Jerobeame o boile! ba roma go mmiletsa kwa pitsong ya morafe, ba feta ba mo dira kgosi ya Baiseraele botlhe; ga se ka ga nna ope yo o gogang le lelapa la ga Dafita, fa e se lotso lwa Juta lo le losi fela. E rile Rehabeame a fitlha kwa Jerusalema, a kgobokanya lotso lwa Juta lotlhe le lotso lwa Benyamene, e le banna ba ba tlhaotsweng ba batlhabani ba le 180 000, go tlhabana le Baiseraele, e le go busetsa bogosi kwa go ene Rehabeame, morwa Salomo. Mme lefoko la Modimo la tla kwa go Semaya, monna wa Modimo, la re: “Raya Rehabeame morwa Salomo kgosi ya Juta le Bajuta botlhe le Babenyamene le batho ba bangwe o re: ‘Morena o bua jaana a re: Lo se ka lwa bolola go ya go tlhabana le Baiseraele bomorwa-rraalona. A mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe. Gonne selo seo se dirilwe ke nna.’ ” Ba utlwa lefoko la Morena, ba boela gae ka fa lefokong la Morena. Mme Jerobeame a agelela Šegeme mo dithabeng tsa Eferaime a nna gona; a ba a tswa teng, a agelela le Phenuele. Jerobeame o ne a akanya mo pelong ya gagwe a re: “Kana bogosi bo ka boela kwa lapeng la ga Dafita. Fa batho ba, ba tlhatlogela kwa Jerusalema go dira ditlhabelo mo Ntlong ya Morena, dipelo tsa batho ba di ka boela kwa moreneng wa bone kwa go Rehabeame kgosi ya Juta, mme ba ka mpolaya, ba boela kwa go Rehabeame kgosi ya Juta.” Ka moo kgosi ya loga maano, ya dira dinamane di le pedi tsa gouta, ya ba raya ya re: “Ke sebaka se seleele lo ntse lo etela kwa Jerusalema, go lekanye. Bonang, Baiseraele, medimo ya lona ke e, e e lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.” Ya baya nngwe kwa Bethele; e nngwe ya e baya kwa Dane. Mme selo se sa nna boleo; batho ba ne ba di obamela kwa Bethele le kwa Dane. Le gona a dira ditempele mo dithoteng tsa tlhabelo, a ba a baya baperesiti ba ba tswang mo dikarolong tsotlhe tsa morafe ba e seng Balefi. Ka letsatsi la some tlhano la kgwedi ya robedi Jerobeame a dira moletlo o o tshwanang le moletlo wa kwa Juta, a tlhatlogela kwa aletareng e e kwa Bethele go tlhabela dinamane tse o di dirileng. Baperesiti ba dithota tsa tlhabelo tse o di dirileng a ba tsenya mo tirong kwa Bethele. A dira ditlhabelo mo aletareng e o e dirileng kwa Bethele e le ka letsatsi la some tlhano la kgwedi ya robedi, ka kgwedi e o e itaoletseng ka pelo ya gagwe, a direla Baiseraele moletlo, a palama fa aletareng go tshuba maswalo. Ke fa go tlhaga monna wa Modimo, a tswa kwa Juta ka taelo ya Morena, a fitlha kwa Bethele, Jerobeame a ntse a eme fa aletareng go tshuba maswalo. Mme ene a kua a omanya aletare ka taelo ya Morena a re: “Aletare! Aletare! Morena o bua jaana a re: ‘Bona, losika lwa ga Dafita lo tla tsalelwa morwa, leina la gagwe e le Josia. Baperesiti ba dithota tsa tlhabelo ba ba fisang maswalo mo go wena ene o tla ba tlhabela mo go wena, a fisetsa marapo a batho mo go wena.’ ” Le gona a ba naya sesupo se se gakgamatsang ka letsatsi leo a re: “Sesupo sa go re Morena o buile jalo ke se: Bonang, aletare e tla phatloga, mme go tshologa molora o o mo go yona.” Mme e rile kgosi Jerobeame a utlwa lefoko la monna wa Modimo le a le kuang a omanya aletare ya kwa Bethele, a otlola letsogo a le fa aletareng a re: “Mo tshwareng!” Mme letsogo la gagwe le a le mo otlololetseng la omelela, mme a palelwa ke go le gonyetsa. Le gona aletare ya phatloga, mme molora wa tshologa mo go yona ka fa sesupong se monna wa Modimo a se ba neileng ka taelo ya Morena. Ke fa kgosi e simolola go bua, e raya monna wa Modimo e re: “A ko o kope bopelotlhomogi mo sefatlhegong sa Morena, Modimo wa gago, o nthapelele gore letsogo la me le boele go nna.” Monna wa Modimo a kopa bopelotlhomogi mo sefatlhegong sa Morena. Mme letsogo la kgosi la boela kwa go yona, la nna jaaka pele. Jaanong kgosi ya raya monna wa Modimo ya re: “Tla le nna kwa gae, o itapolose, mme ke tla go fa mpho.” Mme monna wa Modimo a fetola kgosi a re: “Le fa o ka nnaya bontlhanngwe jwa ntlo ya gago, ga nka ke ka ya nao, ka ja dijo gongwe ka nwa metsi mono. Gonne Morena o ntaetse jalo ka lefoko la gagwe a re: ‘O se ka wa ja dijo le e seng go nwa metsi le e seng go boa ka tsela e o ileng ka yona!’ ” A ba a tsamaya ka tsela e sele, a se ka a boa ka tsela e a ileng kwa Bethele ka yona. Mme go ne go agile moporofeti mongwe wa motsofe kwa Bethele. Bomorwawe ba tla ba mmolelela tiro yotlhe e monna wa Modimo o e dirileng kwa Bethele ka letsatsi leo le mafoko a o a buileng le kgosi. Jaanong ya re ba sena go bolelela rraabo, a ba botsa a re: “O tsamaile ka tsela efe?” Mme bomorwawe ba mo supetsa tsela e monna wa Modimo o tsamaileng ka yona yo o neng a dule kwa Juta. Ke fa a raya bomorwawe a re: “Mpelesetseng esele.” Ba e belesa, mme a e palama a latela monna wa Modimo, a mo fitlhela a dutse fa tlase ga setlhare sa motherebinthe, a mmotsa a re: “A ke wena monna wa Modimo yo o tswang kwa Juta?” A araba a re: “Ke nna.” Jaanong a mo raya a re: “Tla le nna kwa gae o je dijo.” Yole a re: “Ke palelwa ke go boa nao le go ya gae nao; le gona ga nka ke ka ja dijo, ka nwa metsi nao mono. Gonne ke laetswe ka lefoko la Morena la re: ‘O se ka wa ja dijo le e seng go nwa metsi gona; o se ka wa boa ka tsela e o ileng ka yona.’ ” Mme ena a mo raya a re: “Le nna ke moporofeti jaaka wena, mme moengele o buile le nna ka taelo ya Morena a re: ‘Mmusetse nao kwa ntlong ya gago gore a ye go ja dijo le go nwa metsi.’ ” Mme a mo aketsa jalo. Jaanong yole a boa nae, a ja dijo kwa lapeng la gagwe, a nwa metsi. Mme ya re ba dutse fa tafoleng, lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti yo o mmusitseng, mme a kuela kwa monneng wa Modimo yo o neng a dule kwa Juta a re: “Morena o bua jaana a re: ‘E re ka o tlodile taolo ya Morena, o sa tshegetsa taolo ya Morena, Modimo wa gago, o e go laetseng, mme wa boa wa ya go ja dijo le go nwa metsi mono, fa o go laetseng ka ga gona wa re: O se ka wa ja dijo le e seng go nwa metsi gona! ka moo setoto sa gago ga se ne se fitlhwa kwa mabitleng a borraago.’ ” Jaanong ya re a sena go ja dijo le go nwa metsi, moporofeti yo o mmusitseng a mmelesetsa esele. Mme ya re a ntse a tsamaya tau ya kgatlhana nae mo tseleng, ya mmolaya, mme setoto sa gagwe sa namalala mo tseleng, esele ya nna ya ema fa thoko ga gagwe le tau ya nna ya ema fa thoko ga gagwe. Mme ya re batho ba feta, ba bona setoto se namaletse mo tseleng le tau e eme fa thoko ga setoto, ba fitlha ba bolela jalo mo motseng o moporofeti yo o tsofetseng a agileng mo go ona. Ya re moporofeti yo o mmusitseng mo tseleng a utlwa, a re: “Ke ene monna wa Modimo yo o se kang a utlwa taelo ya Morena. Ke ka moo Morena a mo neetseng tau, ya mo gagola, ya mmolaya ka fa lefokong la Morena le o le mmoleletseng.” A ba a raya bomorwawe a re: “Mpelesetseng esele.” Mme ba e belesa. A ya a fitlhela setoto sa gagwe se namaletse mo tseleng le esele le tau di eme fa thoko ga setoto, tau e sa ja setoto le e seng go gagola esele. Moporofeti yo o tsofetseng a tsholetsa setoto sa monna wa Modimo, a se belesa mo eseleng, a se busetsa kwa motseng wa ga gabo go mo lelela le go mo fitlha. A baya setoto sa gagwe mo lebitleng la gagwe, mme ba mo lelela ba re: “Ijoo! Ngwana wa ga rra!” Mme ya re a sena go mo fitlha, a laela bomorwawe a re: “E re ke swa, lo mphitlhe mo phupung e monna yoo wa Modimo o fitlhilweng mo go yona, lo bee marapo a me fa thoko ga gagwe. Gonne ruri, lefoko le tla dirafala le o le kuileng ka taelo ya Morena a omanya aletare e e mo Bethele le ditempele tsotlhe tsa dithota tsa tlhabelo tse di mo metseng ya Samaria.” Le morago ga tirafalo eo Jerobeame a se ka a boa mo tseleng e e bosula ya gagwe, mme a baya baperesiti ba dithota tsa tlhabelo gape ba ba tswang mo dikarolong tsotlhe tsa morafe; yo o neng a rata ene a mo tsenya tirong gore a nne moperesiti wa dithota tsa tlhabelo. Go dira jalo ga nna boleo jwa ba ntlo ya ga Jerobeame jo bo dirileng gore ba tlosiwe le go nyelediwa mo lefatsheng. Ka sebaka seo ga lwala Abia morwa Jerobeame. Mme Jerobeame a raya mosadi wa gagwe a re: “A ko o nanoge o ba itimetse gore go se ka ga lemoga ope, fa o le mosadi wa ga Jerobeame, o ye kwa Silo. Teng go na le moporofeti Ahia yo o buileng ka ga me a re, ke tla nna kgosi ya morafe o. O ye o tshotse dinkgwe di le some le dikuku le nkgwana ya mafura a dinotshe, o ye jalo kwa go ene; o tla go itsise se se tla dirafalelang ngwana.” Mosadi wa ga Jerobeame a dira jalo, a nanoga a ya kwa Silo, a fitlha kwa ntlong ya ga Ahia; mme Ahia o ne a palelwa ke go bona; gonne matlho a gagwe a ne a foufetse ka ntlha ya botsofe jwa gagwe. Mme Morena o ne a laetse Ahia a re: “Bona, mosadi wa ga Jerobeame o e tla, go botsa sengwe mo go wena ka ntlha ya ga morwawe, gonne ene o a lwala. O mmolelele jaana le jaana.” Jaanong ya re mosadi a tsena, a ikgakisa. Mme ya re Ahia a utlwa mokgwasa wa dinao tsa gagwe fa a tsena ka mojako, a mo raya a re: “Tsena, mosadi wa ga Jerobeame. Ke ka ntlha ya eng fa o inkgakisa? Mme nna ke laetswe go go bolelela mafoko a a makete. Yaa o ree Jerobeame o re: ‘Morena Modimo wa Iseraele o bua jaana o a re: Ke go godisitse mo morafeng, ka go dira kgosi ya morafe wa me wa Iseraele, ka gagola bogosi mo lapeng la ga Dafita, ka bo go naya. Mme ga o a ka wa nna jaaka Dafita motlhanka wa me yo o neng a tshegetsa ditaolo tsa me, a ntshala morago ka pelo yotlhe gore a dire fela tse di ntshiametseng. Mme o dirile bosula bogolo go botlhe ba ba neng ba le teng pele ga gago, wa ya wa itirela medimo e sele le ditshwantsho tse di bopilweng e le go nkgakatsa, mme nna wa ntatlha, wa nkhularela. Bona, ke gona ka moo ke tla tlisetsang lelapa la ga Jerobeame tatlhego; ke tla nyeletsa botlhe ba batonanyana ba losika lwa ga Jerobeame mo Iseraele, ke sa rekegele ope. Ke tla olola ba lapa la ga Jerobeame jaaka go olelwa mantle go tsamaya ba be ba felela. Wa ga Jerobeame yo o swelang mo motseng o tla jewa ke dintšwa; yo o swelang kwa nageng o tla jewa ke manong a loapi; gonne Morena o buile jalo.’ “Wena, nanoga o ye kwa lapeng la gago. E tla re dinao tsa gago di tsena mo motseng, ngwana a swe. Baiseraele botlhe ba tla mo lelela ba mo fitlha. Gonne ke ene a le esi fela wa ga Jerobeame yo o tla fitlhwang mo lebitleng, ka go fitlhetswe se se molemo mo go ene mo lapeng la ga Jerobeame fa pele ga Morena, Modimo wa Iseraele. Mme Morena o tla itsosetsa kgosi e e tla busang Iseraele e e nyeletsang ba lapa la ga Jerobeame ka letsatsi la teng. Le gona go tloga jaanong. Morena o tla itaya Baiseraele gore ba tshikinyege jaaka lotlhaka mo metsing; o tla kumola Baiseraele, a ba tlosa mo lefatsheng le le molemo le, le o le neileng borraabo, a ba phatlalaletsa kwa moseja ga noka ya Ferathe, ka ba dirile medimako ya bone, ba galefisa Morena ka go dira jalo. Mme o tla neela Baiseraele mo tatlhegong ka ntlha ya boleo jwa ga Jerobeame jo o bo leofileng, jo o leofisitseng Baiseraele ka jona.” Jaanong mosadi wa ga Jerobeame a nanoga a boela kwa Thiresa; ya re a gata mo serepoding sa ntlo, ngwana a swa. A ba a fitlhwa, mme Baiseraele botlhe ba mo lelela ka fa lefokong la Morena le o le buileng ka moporofeti Ahia, motlhanka wa gagwe. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jerobeame jaaka a ne a tlhabana le jaaka a ne a busa, kana di kwadilwe mo bukeng ya ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme sebaka se Jerobeame o neng a busa ka sona ke dinyaga di le 22. Mme a robala le borraagwe; jaanong Natabe morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Mme Rehabeame morwa Salomo o ne a busa kwa Juta. E rile a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 41; a busa dinyaga di le 17 kwa Jerusalema, ona motse o Morena a o tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go baya leina la gagwe teng. Leina la ga mmaagwe e ne e le Naama wa Moamone. Le Bajuta ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba tsosa lefufa la gagwe ka maleo a bone a ba a leofileng bogolo go tsotlhe tse borraabo ba neng ba di dira. Le bone ba itirela dithota tsa tlhabelo le majwe a a motloutlo le medimako mo thabaneng nngwe le nngwe e e godimo le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala. Le gona go ne go le banna mo lefatsheng ba ba direlang medimo ka boaka, ba dira tsotlhe tse di tshwanang le makgapha a baheitane ba Morena a neng a ba lelekile fa pele ga Baiseraele. E rile ka ngwaga wa botlhano wa puso ya ga Rehabeame, Sisake kgosi ya Egepeto a tla go tlhasela Jerusalema. A tsaya mahumo a Ntlo ya Morena le mahumo a ntlo ya kgosi, a tsaya tse tsotlhe. Le gona a tsaya dithebe tsotlhe tsa gouta tse Salomo a di dirileng. Mo boemong jwa dithebe tseo Rehabeame a dira tsa kgotlho, a di neela mo diatleng tsa balaodi ba batabogi ba ba disang mojako wa ntlo ya kgosi. Mme e ne ya re fa kgosi e tsena mo Ntlong ya Morena, batabogi ba di rwale, ba be ba di busetse mo ntlwaneng ya batabogi. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Rehabeame le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Go ne go le ntwa fa gare ga Rehabeame le Jerobeame ka malatsi otlhe. Mme Rehabeame a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go bona mo motseng wa ga Dafita. Leina la ga maagwe e ne e le Naama wa Moamone. Mme Abiame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Abiame o ne a simolola go busa Juta ka ngwaga wa some robedi wa puso ya ga Jerobeame morwa Nebate. A busa dinyaga di le tharo kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Maaga morwadia Abisalome. A sepela mo maleong otlhe a ga rraagwe a o a dirileng pele ga gagwe; pelo ya gagwe e ne e sa goge le Morena, Modimo wa gagwe, ka botlalo jaaka pelo ya ga Dafita rraagwe. Gonne Morena, Modimo wa gagwe, o ne wa mo naya lobone mo Jerusalema ka ntlha ya ga Dafita fela ka go tlhoma morwawe bogosing sehularong sa gagwe le ka go boloka Jerusalema. Ka gonne Dafita o ne a dirile tse di siameng mo matlhong a Morena, mme a se ka a fapoga mo go sepe sa tse a di mo laetseng ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe, fa e se ka go leofela Uria wa Mohethe fela. Go ne go le ntwa fa gare ga Abiame le Jerobeame ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe. Mme ditirafalo tse dingwe tsa ga Abiame le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme go ne go le ntwa fa gare ga Abiame le Jerobeame. Mme Abiame a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme Asa morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Asa kgosi ya Juta a simolola go busa ka ngwaga wa soma mabedi wa puso ya ga Jerobeame kgosi ya Iseraele. A busa dinyaga di le 41 kwa Jerusalema. Leina la ga koko-a-gwe e ne e le Maaga morwadia Abisalome. Asa a dira tse di siameng mo matlhong a Morena jaaka Dafita rraagwe. A leleka banna ba ba direlang medimo ka boaka mo lefatsheng, a ba a tlosa ditshwantsho tsotlhe tsa medimo ya maila tse borraagwe ba di dirileng. Le gona a ntsha koko-a-gwe, e bong Maaga mo maemong a bommakgosi, ka a dirile setshwantsho se se maswe sa Ašera. Asa a rema setshwantsho se se maswe seo sa gagwe, a se fisa mo molapong wa Kiterone. Legale dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa; fela pelo ya ga Asa e ne ya nna le Morena ka botlalo ka malatsi otlhe a gagwe. Le gona a tsenya dineo tse di boitshepo tsa ga rraagwe le dineo tse di boitshepo tsa gagwe mo Ntlong ya Morena, e bong selefera le gouta le dilwana tsa mefutafuta. Mme go ne go le ntwa fa gare ga Asa le Baesa kgosi ya Iseraele ka malatsi aotlhe a bone. Baesa kgosi ya Iseraele e kile ya bololela Juta; ya ba ya agelela Rama gore e thibele batho go ka tsena gongwe go tswa kwa go Asa kgosi ya Juta. Ke fa Asa a tsaya selefera yotlhe le gouta e e setseng mo mahumong a Ntlo ya Morena le a ntlo ya kgosi, a di neela batlhanka ba gagwe diatleng, mme a ba roma kwa go Benehatate morwa Taberimone morwa Hesione kgosi ya Siria e e neng e agile kwa Damaseko, a re: “Go na le kgolagano gare ga me le wena le gare ga rre le rraago. Ke go romela neo ya selefera le gouta ke eo. Yaa o senye kgolagano ya gago le Baesa kgosi ya Iseraele gore e ntlogele.” Benehatate a utlwana le kgosi Asa, a roma balaodi ba mephato ya gagwe go ya go tlhasela metse ya Iseraele; a senya motse wa Iyone le wa Dane le wa Abele-Bethe-Maaga le Khinerothe yotlhe le lefatshe lotlhe la Nafetale. Mme ya re Baesa a utlwa jalo, a khutla go agelela Rama, a boela kwa Thiresa. Ke fa kgosi Asa a kua Bajuta botlhe, a sa tlogele ope, mme ba tlosa mafika a Rama le dikgong tsa teng tse Baesa o neng a ageletse ka tsona, mme kgosi Asa a agelela Geba wa Benyamene le Mitsepha ka tsona. Ditirafalo tsotlhe tse dingwe tsa ga Asa le ditiro tsotlhe tsa gagwe tsa bopelokgale le tsotlhe tse o neng a di dira le metse e o neng a e aga kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Fela e rile a sena go tsofala, a nna le bolwetse jwa maoto. Mme Asa a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go bone mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Josafate morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Natabe morwa Jerobeame a simolola go busa Baiseraele ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta; a busa Baiseraele dinyaga di le pedi. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a sepela mo tseleng ya ga rraagwe le mo boleong jwa gagwe jo o neng a leofisa Baiseraele ka jona. Mme Baesa morwa Ahia wa lotso lwa ga Isašare a mo tsosetsa moferefere, a mmolaela kwa Gibethone motseng wa Bafelesita; gonne Natabe le Baiseraele botlhe ba ne ba dikanyetsa Gibethone ka ntwa. Baesa a mmolaya ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a ba a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Mme ya re a ntse a busa, a bolaya botlhe ba lelapa la ga Jerobeame, a se ka a sadisa ope wa ga Jerobeame ga tsamaya a ba nyeletsa ka fa lefokong la Morena le a le buileng ka motlhanka wa gagwe Ahia wa Silo ka ntlha ya dibe tsa ga Jerobeame tse o neng a di dirile, a leofisa Baiseraele ka tsona le ka ntlha ya thumolo ya gagwe e o neng a galefisa Morena, Modimo wa Iseraele, ka yona. Mme ditirafalo tse dingwe tsa ga Natabe le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Go ne go le ntwa fa gare ga Asa le Baesa kgosi ya Iseraele ka malatsi otlhe a bone. Baesa morwa Ahia o ne a simolola go busa Baiseraele botlhe kwa Thiresa ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a busa dinyaga di le 24; a dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a sepela mo tseleng ya ga Jerobeame le mo boleong jwa gagwe jo o neng a leofisa Baiseraele ka jona. Mme lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Jehu morwa Hanani la bôpela Baesa la re: “E re ka ke go godisitse, ka go ntsha leroleng, ka go dira moetapele yo o busang morafe wa me wa Iseraele, mme wena o sepetse mo tseleng ya ga Jerobeame, wa leofisa morafe wa me wa Baiseraele gore ba nkgalefise ka maleo a bone, ka moo ke tla go feela, Baesa le ba lapa la gago; ke dira ka lelapa la gago jaaka ke dirile ka lelapa la ga Jerobeame morwa Nebate. Wa ga Baesa yo o swelang mo motseng o tla jewa ke dintšwa; wa gagwe yo o swelang kwa nageng o tla jewa ke manong a loapi.” Ditirafalo tse dingwe tsa ga Baesa le tse o di dirileng le ditiro tsa gagwe tsa bopelokgale kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme Baesa a robala le borraagwe a fitlhwa kwa Thiresa, mme Ela morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Lefoko la Morena la tla ka moporofeti Jehu morwa Hanani ka ga Baesa le ka ga lelapa la gagwe, mme e ne e se ka ntlha ya tse di bosula tsotlhe fela tse o di dirileng mo matlhong a Morena, a mo galefisa ka tiro ya diatla tsa gagwe, a dira jaaka ba lapa la ga Jerobeame, mme le gona e le ka a mmolaile. Ela morwa Baesa a simolola go busa Baiseraele kwa Thiresa ka ngwaga wa 26 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a busa dinyaga di le pedi. Mme Simeri motlhanka wa gagwe molaodi wa bontlhanngwe jwa dikoloi tsa ntwa a mo tsosetsa leferetlho. Ya re Ela a le kwa Thiresa a nwa, a tagwa mo ntlong ya ga Aresa yo o neng a okametse ntlo ya kgosi kwa Thiresa, Simeri a tsena a mo itaya, a mmolaya, e le ka ngwaga wa 27 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a ba a nna kgosi mo boemong wa gagwe. Mme ya re a ntse a le kgosi, a dutse mo sedulong sa gagwe sa bogosi a bolaya botlhe ba lelapa la ga Baesa, a se ka a mo sadisetsa yo motonanyana ope le e seng ba losika lwa gagwe le e seng ditsala tsa gagwe. Simeri a fetsa lelapa lotlhe la ga Baesa jalo, e le ka fa lefokong la Morena le o le buileng ka ga Baesa ka moporofeti Jehu; e le ka ntlha ya maleo otlhe a ga Baesa le a ga Ela morwawe a ba a leofileng, a ba leofisitseng Baiseraele ka ona, mme ba galefisa Morena, Modimo wa Iseraele, ka medimo ya bone ya boithamako. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Ela le tsotlhe tse o di dirileng kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Simeri o ne a busa jalo malatsi a supa kwa Thiresa ka ngwaga wa 27 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, morafe o ntse o dikanyetsa motse wa Gibethone wa Bafelesita ka ntwa. Mme ya re banna botlhe ba Iseraele ba ba neng ba thibeletse ba utlwa gore Simeri o tsositse moferefere, o bile o bolaile kgosi, ba tsaya Omeri molaodi wa mephato, ba mo dira kgosi ya Iseraele ka letsatsi leo kwa bothibelelong. Ke fa Omeri a bolola a tloga kwa Gibethone a na le Baiseraele botlhe ba dikanyetsa Thiresa ka ntwa. Mme ya re Simeri a bona motse o thopilwe, a tsena mo kagong ya phemelo ya ntlo ya kgosi, a tshuba ntlo ya kgosi ka molelo a le mo teng ga yona, a swa nayo; e le ka ntlha ya maleo a gagwe, ka a dirile tse di bosula mo matlhong a Morena, a sepela mo tseleng ya ga Jerobeame le mo boleong jwa gagwe jo o bo dirileng go leofisa Baiseraele. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Simeri le khuduego e o tsositseng kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Ka sebaka seo morafe wa Iseraele wa tswa ditlhopha tse pedi: Bontlhanngwe jwa morafe jwa tshaba le Thibeni morwa Ginathe jwa re bo mo dira kgosi, mme bontlhanngwe jwa goga le Omeri. Mme batho ba ba neng ba goga le Omeri ba ne ba le thata bogolo go batho ba ba tshabang le Thibeni morwa Ginathe. Ya re Thibeni a swa, Omeri a nna kgosi ya Baiseraele botlhe. Omeri a simolola go busa Baiseraele ka ngwaga wa 31 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a busa dinyaga di le 12, a busa dinyaga di le thataro kwa Thiresa. A ba a reka thaba ya Samaria mo go Semere ka ditalente di le pedi tsa selefera, a aga motse mo thabeng eo, a o bitsa Samaria, a o reelela Semere mong wa thaba. Omeri a dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a senya go feta botlhe ba ba neng ba le teng pele ga gagwe; a sepela gotlhe mo tseleng ya ga Jerobeame morwa Nebate le mo maleong a gagwe a o neng a leofisa Baiseraele ka ona, mme ba galefisa Morena, Modimo wa Iseraele, ka medimo ya bone ya boithamako. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Omeri le tse o di dirileng le boganka jwa gagwe jo o neng a dira ka jona kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme Omeri a robala le borraagwe, a fitlhwa kwa Samaria, mme Ahabe morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Ahabe morwa Omeri a simolola go busa Baiseraele ka ngwaga wa 38 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta; a busa Baiseraele kwa Samaria dinyaga di le 22. Ahabe morwa Omeri a dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a senya go feta botlhe ba ba neng ba le teng pele ga gagwe. O ne a galala go sepela mo maleong a ga Jerobeame morwa Nebate, o bile a oketsa ka go nyala Isebele morwadia Ethebaale, kgosi ya Basitoni, a tloga gape a direla Baale a mo obamela. A agela Baale aletare mo tempeleng ya ga Baale e o neng a e agile kwa Samaria. Le gona Ahabe a betla Ašera; Ahabe a ba a oketsa ka go dira tse di galefisang Morena, Modimo wa Iseraele, go feta dikgosi tsotlhe tsa Iseraele tse di neng di le teng pele ga gagwe. Ka malatsi a ga Ahabe Hiele wa Bethele a tsosa motse wa Jerigo; ya re a o thaya, a swelwa ke Abirame morwawe yo mogolo; ya re a tsenya ditswalo tsa dikgoro tsa ona, a swelwa gape ke Segube morwawe yo mmotlana; e le ka fa lefokong la Morena le o le buileng ka Jošua morwa Nune. Elia wa Thišebe mongwe wa baagi ba Gileate o kile a raya Ahabe a re: “Ka bophelo jwa Morena, Modimo wa Iseraele, yo ke mo direlang! Ka dinyaga tseno ga go kitla go nna monyo le e seng pula, fa e se ka lefoko la me!” Mme lefoko la Morena la tla kwa go ene la re: “Tloga mono o ye kwa botlhabatsatsi, o fete o iphitlhe fa nokaneng ya Kerithe e e ntlheng ya botlhabatsatsi ya Joretane. O tla nwa mo nokaneng eo, mme ke laetse magakabe gore a go otle teng.” A dira ka fa lefokong la Morena; a ya a dula fa nokaneng ya Kerithe e e ntlheng ya botlhabatsatsi ya Joretane. Magakabe a nna a mo isetsa senkgwe le nama mo mosong le maitsiboa, mme a nwa mo nokaneng. Mme ya re sebaka se sena go feta, nokana ya kgala, ka go ne go se na pula mo lefatsheng. Ke fa lefoko la Morena le tla kwa go ene le re: “Bothologa o ye kwa motseng wa Sarefathe o e leng wa Sitone, o nne gona; bona, ke laetse mosadi wa motlholagadi wa teng gore a go tlamele.” A bothologa a ya kwa Sarefathe. Ya re a goroga kwa kgorong ya motse, a fitlhela mosadi wa motlholagadi teng a rwalela. Mme a mmitsa a re: “A ko o ye go ntshiela metsinyana ka sego gore ke nwe.” Ya re mosadi a ya go a tsaya, a mmitsa gape, a mo raya a re: “O be o ntlele thathana ya senkgwe.” Mme mosadi a re: “Ka bophelo jwa Morena, Modimo wa gago! Ga ke na senkgwe fa e se bupenyana fela mo nkgwaneng jo bo ka tlalang seatla le lookwanyana mo modutwaneng. Mme ke fano, ke rwalela dikgonyana gore ke ye kwa gae, ke bo ipesetse le morwaake gore re je, re tloge re swe.” Mme Elia a mo raya a re: “Se boife! Yaa kwa gae o fete o dire jaaka o buile. Fela pele o ntirele senkgwenyana ka jona, o se ntsisetse, mme morago o ka itirela le morwao. Gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana o a re: ‘Bupe jo bo mo nkgwaneng ga bo ne bo fela le lookwane lo lo mo modutwaneng ga lo ne lo tlhokafala go fitlhelela letsatsing le Morena O tla nesang pula mo lefatsheng ka lone.’ ” Mosadi a ya a dira ka fa lefokong la ga Elia, a ja, ene mosadi le Elia le ba lapa la gagwe malatsi a mantsi. Bupe jo bo mo nkgwaneng jwa se ka jwa fela le lookwane lo lo mo modutwaneng lwa se ka lwa tlhokafala ka fa lefokong la Morena le o le buileng ka Elia. Mme morago ga dilo tseo ga lwala morwa mosadi yo e leng mong wa lelapa. Bolwetse jwa gagwe bo ne bo le bogolo thata go fitlha a be a fela mowa, a swa. Ke fa mosadi a raya Elia a re: “O ntiretseng, monna wa Modimo? Ntlha e kete o tlile go nna gore go gopolwe molato wa me, mme morwaake a bolawe!” Mme a fetola mosadi a re: “Nneela morwao!” A ba a mo tsaya mmaagwe a mo farile, a mo tlhatlosetsa kwa ntlwaneng ya gagwe e e kwa godimo fa a nnang teng, a feta a mo namalatsa mo bolaong jwa gagwe. A ba a rapela Morena a re: “Morena, Modimo wa me, motlholagadi yo ke leng moeng wa gagwe a tota o mo diretse tse di bosula ka go bolaya morwawe?” A ba a patlama mo godimo ga ngwana gararo, a rapela Morena a re: “Morena, Modimo wa me, a mowa wa ngwana yo o boele mo go ene!” Mme Morena a utlwa lentswe la ga Elia, mme mowa wa ngwana wa boela mo go ene, a ba a phela. Jaanong Elia a tsaya ngwana, a mo folosa mo ntlwaneng e e kwa godimo, a mo isa mo ntlong, a mo neela mmaagwe. Elia a ba a re: “Bona, morwao o a phela!” Ke fa mosadi a raya Elia a re: “Jaanong ke a lemoga gore o monna wa Modimo le go re lefoko la Morena le o le buang ke boammaaruri.” E rile malatsi a mantsi a sena go feta, ka ngwaga wa boraro lefoko la Morena la tla kwa go Elia la re: “Yaa o iponatse mo go Ahabe; gonne ke rata go nesa pula mo lefatsheng.” Elia a ya go iponatsa mo go Ahabe. Mme tlala e ne e le kgolo kwa Samaria. Ke fa Ahabe a bitsa Obatya mookamedi wa ntlo ya kgosi. Obatya o ne a boifa Morena thata. E rile Isebele a bolaya baporofeti ba Morena, Obatya a tshabisa baporofeti ba le lekgolo, a ba suba mo dikgageng, banna ba ba 50 mo go lo longwe, ba ba 50 mo go lo longwe, a ba otla ka bogobe le metsi. Jaanong Ahabe a raya Obatya a re: “Ralala lefatshe, o ye kwa metsweding yotlhe ya metsi le kwa dinokaneng tsotlhe. Ka gongwe re tla bona bojang gore re phedise dipitse le meboulwe, mme re se ka ra patelesega go bolaya diruiwa tse dingwe.” Mme ba kgaogana lefatshe go le ralala. Ahabe a tsamaya a le esi ka tsela nngwe, le Obatya a tsamaya a le esi ka tsela e sele. Jaanong ya re Obatya a le mo tseleng, a kgatlhana le Elia ka tshoganyetso, ya re a mo lemoga a wela fa fatshe ka sefatlhego, a botsa a re: “A ke wena Elia mong wa me?” A mo araba a re: “Ke nna. Yaa o ree mong-wa-go o re: ‘Ke bonye Elia.’ ” Mme Obatya a botsa a re: “Ke leofileng, fa o neela motlhanka wa gago mo diatleng tsa ga Ahabe gore a mpolae? Ka bophelo jwa Morena, Modimo wa gago! Ga go na setšhaba sepe le e seng bogosi bope kwa mong wa me a sa romang teng go go batla. Mme e ne ya re fa ba re: ‘Ga a yo!’ a ikanise bogosi joo le setšhaba seo gore tota ga ba ise ba go bone. Mme jaanong wena o re: ‘Yaa o ree mong-wa-go o re: Ke bonye Elia!’ E ka re gongwe ke go tlogela, Mowa wa Morena wa sala o go isa kwa ke sa go itseng, mme ka feta ka bolelela Ahabe, a tla go go batla, mme a se ka a go bona, foo o tla mpolaya. Mme nna motlhanka wa gago ke boifa Morena go tswa bonyaneng jwa me. A morena wa me ga a begelwa se nkileng ka se dira, fa Isebele a bolaya baporofeti ba Morena? Ka suba baporofeti ba Morena ba le lekgolo, ba ba 50 mo logageng lo longwe, ba ba 50 mo logageng lo longwe, ka ba otla ka bogobe le metsi! Jaanong he, a tota o a re: ‘Yaa o ree mong-wa-go o re: Ke bonye Elia’? Kana o tla mpolaya!” Mme Elia a re: “Ka bophelo jwa Morena wa masomosomo yo ke mo direlang! Ruri, ke tla iponatsa mo go ene kajeno!” Obatya a ya a kgatlhantsha Ahabe a mo itsise jalo; mme Ahabe a ya a kgatlhantsha Elia. Ya re Ahabe a bona Elia, Ahabe a mmotsa a re: “A ke wena mosenyetsi wa Iseraele?” Mme Elia a re: “Ga se nna yo ke senyetsang Baiseraele, mme ke wena le ba lapa la ga rraago; ka go re lo tlogetse ditaolo tsa Morena, lwa sala boBaale morago. Jaanong he, roma o phuthele go nna Baiseraele botlhe, ba tle kwa thabeng ya Karemele le baporofeti ba Baale ba ba 450 le baporofeti ba ba 400 ba Ašera ba ba jelang mo tafoleng ya ga Isebele.” Ke fa Ahabe a roma kwa Baiseraeleng botlhe, a phuthela baporofeti bao kwa thabeng ya Karemele. Mme Elia a atamela batho botlhe, a ba botsa a re: “Lo tla nna dimao tse di ntlha-pedi go fitlha leng? Fa Modimo e le Morena, mo saleng morago; mme fa e le Baale, mo lateleng!” Mme batho ba se ka ba mo araba sepe. Ke fa Elia a raya batho a re: “Go setse nna ke le nosi mo baporofeting ba Morena, mme baporofeti ba ga Baale ke banna ba le 450. Jaanong he, a re neelwe dipoo di le pedi, mme bone ba itlhaolele poo nngwe, ba e kgabetlele, ba e bee mo dikgonnye, mme ba se ka ba gotsa molelo; le nna ke tla baakanya poo e nngwe, ke e baya mo dikgonnye, ke sa gotse molelo. Lona lo bitse leina la modimo wa lona, nna ke tla bitsa leina la Morena, e le go re: Modimo o o tla arabang ka molelo, ke ona Modimo wa nnete.” Batho ba araba ba re: “Lefoko leo le siame.” Jaanong Elia a raya baporofeti ba Baale a re: “Itlhopheleng poo nngwe, lo e baakanye pele; gonne lona lo bantsi; lo be lo bitse leina la modimo wa lona, fela lo se ka lwa gotsa molelo.” Ba tsaya poo e ba e filweng, ba e baakanya, ba bitsa leina la ga Baale go tloga mosong go fitlha motshegare ba re: “Baala wee, re utlwe!” Mme ga se ka ga nna tumo le e seng yo o arabang. Mme ba tlolaka ba dikologa aletare e ba e dirileng. Mme ya re go le motshegare, Elia a ba sotla a re: “Goang thata! Kana ke modimo. E kete o a akanya gongwe o tshwaregile gongwe o etile gongwe o thulametse, goang gore a thanye!” Bone ba goa thata, ba iphatsa ka ditšhaka le ka marumo ka fa tlwaelong ya bone ga tsamaya ba tshologa madi. Ya re motshegare o sena go feta, ba huduakana go ya nakong ya go dira tshupelo ya mantsiboa, mme ga se ka ga nna lentswe le e seng yo o arabang le e seng yo o utlwang. Ke fa Elia a raya batho botlhe a re: “Atamelang kwano go nna!” Mme batho botlhe ba mo atamela. Jaanong a tsosa aletare ya Morena e e neng e thubagantswe. Elia a tsaya majwe a le 12 ka fa palong ya ditso tsa bomorwa Jakobe yo lefoko la Morena le kileng la tla kwa go ene la re: “Leina la gago e tla nna Iseraele,” a aga aletare ka majwe ao mo leineng la Morena, a dira mosele o o lekanyeng go tshola dikgamelo di le pedi tsa peo mo tikologong ya aletare. A ba a tlhatlaganya dikgong, a kgabetlela poo, a e baya mo dikgonnye, a re: “Tlatsang dinkgo di le nne metsi, lo a tshele mo setlhabelong le mo dikgonnye.” Ba dira jalo. A ba a re: “Boelelang!” Ba boelela. A ba a re: “Dirang la boraro.” Ba dira la boraro. Mme metsi a ela mo tikologong ya aletare, le mosele ba o tlatsa metsi. Ya re go le nako ya go dira tshupelo ya mantsiboa, moporofeti Elia a atamela a rapela a re: “Morena, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Iseraele, a go itsiwe kajeno gore ke wena Modimo mo Iseraeleng, mme nna ke motlhanka wa gago, le gore ke dirile dilo tsotlhe tseo ka taelo ya gago. Nkutlwe Morena, o nkarabe gore batho ba, ba tle ba itse gore wena Morena o Modimo wa nnete le gore wena o sokololela dipelo tsa bone kwa go wena.” Ke fa molelo wa Morena o wa kwa legodimong, o ja setlhabelo le dikgong le majwe le mmu, wa ba wa latswa metsi a a mo moseleng. Ya re batho botlhe ba bona, ba wela fa fatshe ka difatlhego ba re: “Modimo ke ona Morena! Modimo ke ona Morena!” Mme Elia a ba raya a re: “Tshwarang baporofeti ba ga Baale, a go se falole ope wa bone.” Ba ba tshwara, mme Elia a ba folosetsa kwa nokaneng ya Kisone, a ba bolaela teng. Jaanong Elia a raya Ahabe a re: “Tlhatloga o je o nwe! Gonne go utlwala mosumo wa pula.” Ahabe a tlhatloga go ja le go nwa, mme Elia a tlhatlogela kwa setlhoeng sa Karemele, a inamela fa fatshe, a tsenya sefatlhego fa gare ga mangole. A ba a raya modiredi wa gagwe a re: “A ko o tlhatloge o lebe ntlheng ya lewatle.” Mme a tlhatloga a leba a re: “Ga go na sepe.” Elia a re: “Boelela.” Ga dirafala jalo gasupa. Mme ya re a tla la bosupa a re: “Lerunyana ke lele le le kanaka seatla sa motho le tlhatloga mo lewatleng.” Ke fa Elia a re: “Yaa o ree Ahabe o re: ‘Golega koloi o fologe gore pula e se ka ya go tshwara.’ ” Mme ka tshoganyetso legodimo la ntshofala ka maru le phefo, ga na pula e kgolo. Mme Ahabe a palama koloi, a ya kwa Iserele. Mme seatla sa Morena Sa nna mo go Elia, a ba a itlama letheka, a taboga fa pele ga Ahabe go ya go fitlha kwa Iserele. Mme Ahabe a bolelela Isebele tsotlhe tse Elia o di dirileng le ka fa a bolaileng baporofeti botlhe ka teng ka tšhaka. Ke fa Isebele a roma morongwi kwa go Elia a re: “A medimo e mpetse, e be e nkokeletse, fa ke sa dire ka bophelo jwa gago kamoso go le kana jaaka o dirile ka maphelo a bone botlhe.” Ke fa Elia a boifa, mme a nanoga a tsamaya go boloka bophelo jwa gagwe, a fitlha kwa Bereseba wa Juta, a tlogela modiredi wa gagwe teng. Mme ene a ya kwa sekakeng ka leeto la letsatsi, a fitlha a dula fa tlase ga motlopi, a ikopela go swa a re: “Jaanong go lekanye, Morena, tsaya mowa wa me; gonne ga ke a siama go gaisa borre.” A ba a robala, a thulamela fa tlase ga motlopi oo, a ba a utlwa moengele a mo ama a mo raya a re: “Tsoga o je!” Ya re a leba, a fitlhela fa tlhogong ya gagwe go le senkgwe se se besitsweng mo matlapeng a a bolelo le modutwana wa metsi. Jaanong a ja a nwa, a boa a robala gape. Mme moengele wa Morena a tla la bobedi, a mo ama a re: “Tsoga o je! Go seng jalo leeto le ka go palela.” Ke fa a tsoga, a a ja a a nwa, a tsamaya malatsi a le 40 le masigo a le 40 ka thata ya dijo tseo go ya go fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe. Teng a tsena mo logageng, a lala gona. A utlwa lefoko la Morena le tla kwa go ene, le mmotsa le re: “O dirang fano, Elia?” A araba a re: “Ke lwetse Morena, Modimo wa masomosomo, ka tlhoafalo; gonne Baiseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba thubagantse dialetare tsa gago, ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mo go setseng nna ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.” Mme Morena a re: “Tswela kwa ntle o eme mo thabeng fa pele ga Morena.” Ke fa Morena a feta, mme Morena a etelelwa pele ke ledimo le legolo le le thata le le phatlolang dithaba le le thubaganyang mafika, mme Morena o ne a se yo mo ledimong. Ledimo la latelwa ke thoromo ya lefatshe, mme Morena O ne a se yo mo thoromong ya lefatshe. Thoromo ya lefatshe ya latelwa ke molelo, mme Morena O ne a se yo mo molelong; molelo wa latelwa ke phefonyana e tshesane. Ya re Elia a utlwa yona, a ipipa sefatlhego ka kobo ya gagwe, a tswela kwa ntle, a ema mo mojakong wa logaga, a utlwa lentswe le mmotsa le re: “O dirang fano, Elia?” A araba a re: “Ke lwetse Morena, Modimo wa masomosomo, ka tlhoafalo, gonne Baiseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba thubagantse dialetare tsa gago, ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mo ke setseng ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.” Mme Morena a mo raya a re: “Ikgate motlhala, o ye kwa sekakeng sa Damaseko, o tsene teng, o fete o tlotse Hasaele go nna kgosi ya Siria. O be o tlotse Jehu morwa Nimesi go nna kgosi ya Iseraele; o be o tlotse Elisa morwa Safate wa Abele-Megola go nna moporofeti mo boemong jwa gago. Mme go tla dirafala go re: Yo o falolang mo tšhakeng ya ga Hasaele a bolawe ke Jehu; le yo o falolang mo tšhakeng ya ga Jehu a bolawe ke Elisa. Mme ke tla sadisa ba le 7 000 mo Iseraeleng ba mangole a bone a iseng a ke a khubamele Baale, ba melomo ya bone e iseng e ke e mo atle.” E rile Elia a tloga teng, a fitlhela Elisa morwa Safate, a lema ka dipholo tsa dijoko di le 12 di le fa pele ga gagwe, ene a le fa go tsa joko ya some pedi. Jaanong ya re Elia a feta fa go ene, a latlhela kobo ya gagwe mo go ene. Ke fa Elisa a tlogela dipholo, a siana a sala Elia morago a re: “Ka thapelo, nte ke ye go atla rre le mme, foo ke tla go latela.” A mo araba a re: “Yaa o boe! Kana ke go diretseng!” Ke fa a boa, a mo tlogela, a tsaya dipholo tsa joko eo, a di tlhaba, a apaya dinama tsa tsona ka dijoko, a di naya batho, ba ja. A ba a wela tsela, a latela Elia a mo direla. Mme Benehatate kgosi ya Siria ya kgobokanya mephato yotlhe ya yona, e na le dikgosi di le 32 mmogo le dipitse le dikoloi tsa ntwa, ya bolola, ya dikanyetsa motse wa Samaria ka ntwa, ya o tlhasela; ya ba ya roma barongwi kwa go Ahabe kgosi ya Iseraele kwa teng ga motse go ya go mo raya ba re: “Benehatate o bua jaana a re: ‘Selefera ya gago le gouta ya gago ke tsa me, le basadi ba gago ba bantle le bana ba gago ba bantle ke ba me.’ ” Mme kgosi ya Iseraele ya araba ya re: “A go nne ka fa o buileng ka teng, kgosi morena wa me, ke wa gago le tsotlhe tse ke nang natso.” Mme barongwi ba be ba tla gape ba re: “Benehatate o bua jaana a re: ‘Kana nkile ka roma koo go wena ka re: Mphe selefera ya gago le gouta ya gago le basadi ba gago le bana ba gago. Mme e tla re fa ke roma batlhanka ba me koo go wena kamoso ka nako e, foo ba tla fukutsa ntlo ya gago le matlo a batlhanka ba gago, mme tsotlhe tse di rategang mo matlhong a gago ba tla baya diatla tsa bone mo go tsone, ba di tsaya.’ ” Ke fa kgosi ya Iseraele e bitsa bagolo botlhe ba lefatshe e re: “A ko lo lemoge, lo bone gore yoo o batla bosula. Gonne o ne a romile kwano go nna, a batla basadi ba me le bana ba me le selefera ya me le gouta ya me, mme ga ke a ka ka gana ka tsona.” Mme bagolo botlhe le morafe otlhe ba e araba ba re: “Se tlhole go mo utlwa le e seng go dumela.” Ka moo a raya barongwi ba ga Benehatate a re: “Rayang kgosi mong wa me lo re: ‘Tsotlhe tse o neng o romile go di batla mo motlhankeng wa gago pele, ke ne ka utlwisisa go di dira. Mme se o se bolelang jaanong ke palelwa ke go se dira.’ ” Ke fa barongwi ba tsamaya ba mmusetsa karabo. Mme Benehatate a roma gape kwa go ene a re: “A medimo e ntirele jaana, e be e nkokeletse jaana, fa lerole la Samaria le ka lekana go tlala diatla tsa banna botlhe ba ba ntshetseng morago.” Mme kgosi ya Iseraele ya araba ya re: “Mo reeng lo re: ‘Yo o ikgatlhang ka tsa tlhabano, a se ka a ipoka jaaka yo o di ikgatlhololang.’ ” Ya re Benehatate a utlwa lefoko le – a ntse a nwa bojalwa ene le dikgosi tsele mo maobong – a raya batlhanka ba gagwe a re: “Tlhaselang!” Mme ba tlhasela motse. Ke fa moporofeti mongwe a atamela Ahabe kgosi ya Iseraele a re: “Morena o bua jaana a re: ‘A o bona masomo a magolo otlhe a? Bona, ke tla a neela mo diatleng tsa gago kajeno gore o tle o itse, fa e le nna Morena.’ ” Ahabe a re: “Ka mang?” Yole a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Ka makau a dikgosana tsa dikarolo tsa naga.’ ” Ahabe a boela a re: “Ke mang yo o tshwanetseng go simolola ntwa?” Yole a re: “Ke wena.” Ke fa Ahabe a bala makau a dikgosana tsa dikarolo tsa naga, mme a ne a le 232; morago ga one a bala batlhabani ba Baiseraele botlhe, ba nna dikete di supa. Mme ba bolola motshegare Benehatate a ntse a nwa, a tagwa mo maobong le dikgosi tsele; e ne e le dikgosi di le 32 tse di mo thusang. Makau a dikgosana tsa dikarolo tsa naga a bolola pele. Benehatate o ne a romile batlhodi, mme ba mo itsise ba re: “Banna ba setse ba bolotse kwa Samaria.” Mme ene a re: “Ba tshwareng fela, lo se ba bolae, le fa ba bololetse kagiso gongwe tlhabano.” Jaanong e rile Baiseraele ba sena go bolola mo motseng, e bong makau a dikgosana tsa dikarolo tsa naga le mephato e e a latelang, mongwe le mongwe a bolaya yo a mo tshwarang, Basiria ba tshaba, mme Baiseraele ba ba khutšhela. Benehatate, kgosi ya Siria yona ya falola e palame pitse e na le bapalami ba bangwe. Kgosi ya Iseraele e ne ya bolola jalo, ya thopa dipitse le dikoloi tsa ntwa, ya gaila Basiria ka polao e kgolo. Ke fa moporofeti yole a atamela kgosi ya Iseraele a e raya a re: “Yaa o ithatafatse, o ele tlhoko o bone se o ka se dirang; gonne e tla re isago ka nako e kgosi ya Siria e go bololele gape.” Mme batlhanka ba kgosi ya Siria ba e raya ba re: “Medimo ya bone ke medimo ya dithaba, ke ka moo ba re paletseng; mme fa re ka tlhabana nabo mo lebaleng, ruri, re ka ba fenya! Ka moo dira jaana: Tlosa dikgosi tsele mo mannong a tsone, o bee balaodi mo boemong jwa tsona. O be o kue mephato e e lekanang le e e go latlhegetseng le dipitse tse di kana ka tsa pele le dikoloi tsa ntwa tse di kana ka tsa pele, mme a re tlhabaneng nabo mo lebaleng. Ruri, re tla ba fenya!” Kgosi ya utlwa se ba se bolelang, ya dira jalo. Mme ya re ngwaga o sena go feta, Benehatate a bala Basiria, a bolola a tla kwa Afeke go tlhabana le Baiseraele. Ya re Baiseraele ba sena go balwa le go fiwa mefago, ba ya go ba kgatlhantsha. Baiseraele ba thibelela fa pele ga bone, ba tshwana le matsomanenyana a mabedi a dipodi, mme Basiria ba saila mo nageng. Ke fa monna wa Modimo yole a atamela kgosi ya Iseraele gape a re: “Morena o bua jaana a re: ‘E re ka Basiria ba rile, Morena ke Modimo wa dithaba fela, e seng Modimo wa melapo, ke ka moo ke tla neelang bontsi jotlhe jo bogolo jole mo diatleng tsa gago gore lo tle lo itse tota, fa e le nna Morena.’ ” Mme ba thibelela ba lebaganye nabo malatsi a supa. Mme ka letsatsi la bosupa tlhabano ya simologa. Ke fa Baiseraele ba bolaya Basiria ba le 100 000 e le ba dinao ka letsatsi le le lengwe. Ba ba setseng ba tshabela kwa Afeke kwa motseng, mme lobota lwa wela banna ba le 27 000 ba ba setseng. Le Benehatate a tshaba, a tsena mo motseng, a tsena ntlo le ntlwana. Mme batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “A ko o bone, re utlwile go twe, dikgosi tsa Baiseraele ke dikgosi tse di bopelotlhomogi. Nte re apare dikgetse mo mathekeng, re rwale dikgole mo ditlhogong, re tswele kwa kgosing ya Iseraele. E ka re gongwe ya rekegela bophelo jwa gago.” Ke fa ba itlama matheka ka dikgetse tsa bohutsana, ba ithara ditlhogo ka dikgole, ba tla kwa kgosing ya Iseraele ba re: “Benehatate motlhanka wa gago a re: ‘Nte ke phele!’ ” Mme Ahabe a re: “A o sa ntse a phela? Fa go le jalo, ke morwa-rre!” Mme banna bao ba fitlhela mafoko a e le sesupo se se molemo, ba a amogela ka pele mo go ene ba re: “Benehatate ke morwa-rraago!” Ene a re: “Yaang go mo tsisa.” Ke fa Benehatate a tswela kwa go ene, mme Ahabe a mo palamisa mo koloing, a bapa nae. Ke fa Benehatate a mo raya a re: “Metse e rre o neng a e amoga rraago ke tla e busa. Le gona o ka itirela mafelo a go bapatsa kwa Damaseko jaaka go dirile rre kwa Samaria.” Ahabe a mo raya a re: “Ke tla go naya tsela ka kutlwano e e ntseng jalo.” Mme a dira kgolagano nae, a mo lesa a tsamaya. Ke fa monna mongwe wa barutwana ba boporofeti a raya molekane wa gagwe ka taelo ya Morena a re: “Ntitee tlhe!” Mme monna yoo a gana go mo itaya. A ba a mo raya a re: “E re ka o ganne go utlwa lentswe la Morena, bona, fa re kgaogana, o tla bolawa ke tau.” Mme ya re a sena go tloga fa go ene, tau ya kgatlhana nae, ya mmolaya. A ba a bona monna yo mongwe gape a re: “A ko o ntitee!” Monna yoo a mo itaya a mo ntsha dintho. Jaanong moporofeti yo a ya a emela kgosi mo tseleng, a e ikgakisa ka go iphapa matlho ka lesela. Jaanong ya re kgosi e feta, a goela kgosing a re: “Motlhanka wa gago o ne a bolotse a ya tlhabanong. Ka bona monna mongwe a fapoga a tlisa monna go nna a re: ‘Disa monna yo! Fa a ka timela, bophelo jwa gago bo tla emela bophelo jwa gagwe gongwe o tla lefa talente ya selefera.’ Mme ya re motlhanka wa gago a ntse a tshwere tiro fa le fale, a timela.” Ke fa kgosi ya Iseraele e mo raya e re: “Katlholo ya gago e ntse jalo. O ikatlhotse ka wesi.” Ke fa a akofa a iphapolola lesela mo matlhong, mme kgosi ya Iseraele ya mo itse, fa e le mongwe wa baporofeti. Jaanong a e raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘E re ka o lesitse monna yole a tšhomola mo diatleng tsa gago yo ke mo hutsitseng, ka moo o tla swa mo boemong jwa gagwe le morafe wa gago mo boemong jwa morafe wa gagwe.’ ” Ke fa kgosi ya Iseraele e ya kwa gae e ngadile e galefile; ya tsena teng kwa Samaria. Morago ga dilo tseo ga dirafala se: Nabothe wa Iserele a bo a na le tshimo ya moweine mo Iserele, e bapile le ntlo ya bogosi ya ga Ahabe kgosi ya Samaria. Jaanong Ahabe a bua le Nabothe a re: “Nneele tshimo ya gago ya moweine gore e nne tshimo ya me ya merogo, ka e le gaufi le ntlo ya me. Boemong jwa yona ke tla go naya tshimo ya moweine e e e gaisang, gongwe fa o rata ke tla go naya madi a tlhwatlhwa ya yona.” Mme Nabothe a raya Ahabe a re: “A Morena a nkganele go go neela boswa jwa borre.” Ahabe a ba a fitlha kwa ntlong ya gagwe a ngadile a galefile ka ntlha ya lefoko le Nabothe wa Iserele o le buileng nae a re: “Ga nkitla ke go neela boswa jwa borre!” A ba a robala mo bolaong jwa gagwe a fitlhile sefatlhego, a sa batle le dijo. Mme Isebele mosadi wa gagwe a tla kwa go ene, a mmotsa a re: “Ke eng fa mowa wa gago o ngadile mo o bileng o sa je dijo?” A mo araba a re: “Ke ka gonne ke buile le Nabothe wa Iserele, ka mo raya ka re: ‘Nneela tshimo ya moweine ya gago ka madi, gongwe fa go go kgatlha ke ka go naya tshimo e nngwe ya moweine mo boemong jwa yona.’ Mme ene a re: ‘Ga nka ke ka go neela tshimo ya me ya moweine.’ ” Ke fa Isebele mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A ke gona go busa Baiseraele? Tsoga o je dijo, mme pelo ya gago e itumele! Ke nna ke tla go neelang tshimo ya moweine ya ga Nabothe wa Iserele.” Jaanong mosadi a kwala dikwalo ka leina la ga Ahabe, a di kana ka sekano sa gagwe, a di romela kwa bagolong le kwa batlotleging ba ba agileng le Nabothe mo motseng wa ga gabo. A kwala mo dikwalong a re: “Tlhabang mokgosi lo re: Itimeng dijo! Lo bee Nabothe fa pele ga morafe. Lo be lo bee banna ba le babedi ba ba maaka, lo ba lebaganye nae, ba supe ka ga gagwe ba re: ‘O hutsitse Modimo le kgosi.’ Jaanong lo mo ntshetse kwa ntle, lo mo kgobotletse ka majwe gore a swe.” Banna ba motse wa ga gabo, e bong bagolo le batlotlegi ba ba neng ba agile mo motseng wa ga gabo ba dira ka fa taelong e ba e rometsweng ke Isebele, jaaka go ne go kwadilwe mo dikwalong tse o di ba rometseng: Ba tlhaba mokgosi ba re: “Itimeng dijo!” Ba baya Nabothe fa pele ga morafe. Ke fa go tla banna ba babedi ba balotsana, ba nna fa pele ga gagwe; banna bao ba balotsana ba supa ka ga Nabothe fa pele ga morafe ba re: “Nabothe o hutsitse Modimo le kgosi.” Ba be ba mo ntshetsa kwa ntle ga motse, ba mo kgobotletsa ka majwe, a ba a swa. Jaanong ba roma kwa go Isebele ba re: “Nabothe o kgobotleditswe, o bile o sule.” Ya re Isebele a utlwa go twe, Nabothe o kgobotleditswe, o bile o sule, a raya Ahabe a re: “Nanoga o ye go tsaya tshimo ya moweine ya ga Nabothe wa Iserele yo o ganneng go e go neela ka madi. Gonne Nabothe ga a tlhole a phela, mme o sule.” Ya re Ahabe a utlwa gore Nabothe o sule, a nanoga a fologela kwa tshimong ya moweine ya ga Nabothe wa Iserele go e tsaya. Mme lefoko la Morena la tla kwa go Elia wa Thišebe la re: “Nanoga o fologe go kgatlhantsha Ahabe kgosi ya Iseraele yo o nnang kwa Samaria. O kwa tshimong ya ga Nabothe, o fologetse teng go e tsaya. O mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: A o bolaile, o bile o tsere?’ O be o mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Mo felong kwa dintšwa di latswitseng madi a ga Nabothe teng madi a gago le ona dintšwa di tla a latswa teng.’ ” Ahabe a fetola Elia a re: “A o ntshwere, mmaba wa me?” Elia a re: “Ke go tshwere, ka o ineetse go dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Morena a re: ‘Bona, ke tla go tlisetsa tatlhego, ke go feela, ke nyeletsa ba batonanyana botlhe ba gago, Ahabe, mo Iseraeleng, ke sa rekegele ope. Ke tla dira lelapa la gago jaaka lelapa la ga Jerobeame morwa Nebate le jaaka lelapa la ga Baesa morwa Ahia ka ntlha ya sekgopi se o se dirileng, wa leofisa Baiseraele ka sona.’ Le gona Morena o buile ka ga Isebele a re: ‘Dintšwa di tla ja Isebele fa loboteng lwa Iserele. Wa ga Ahabe yo o swelang mo motseng o tla jewa ke dintšwa; yo o swelang kwa nageng o tla jewa ke manong a loapi.’ ” Go ne go ise go ke go nne ope yo o tshwanang le Ahabe yo o neng a ineela go dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ka ene Isebele mosadi wa gagwe a mo tlhotlheletsa jalo. A dira tse di maswe thata ka go latela medimo e e tenang, fela jaaka go ne go dira Baamori ba Morena o neng a ba leleka fa pele ga Baiseraele. Ya re Ahabe a utlwa mafoko ao, a ikgagola diaparo, a apara kgetse mo mmeleng, a itima dijo, a lala a e apere, a tsamaya ka khutsafalo. Ke fa lefoko la Morena le tla kwa go Elia wa Thišebe le re: “A o bonye jaaka Ahabe a ikokobetsa fa pele ga me? E re ka a ikokobetsa fa pele ga me, ga ke ne ke tlisa tatlhego mo malatsing a gagwe, ke tla e tlisetsa lelapa la gagwe mo malatsing a ga morwawe.” Ba ne ba nna kagisong dinyaga di le tharo go se na ntwa fa gare ga Basiria le Baiseraele. Ka ngwaga wa boraro kgosi ya Iseraele ya etelwa ke Josafate kgosi ya Juta. Ke fa kgosi ya Iseraele e raya batlhanka ba yona e re: “A lo a itse gore, motse wa Ramothe kwa Gileate ke wa rona? Mme re ituletse fela, ga re o gape mo diatleng tsa kgosi ya Siria.” Ya ba ya botsa Josafate ya re: “A o tla ya le nna kwa tlhabanong kwa Ramothe mo Gileate?” Josafate a araba kgosi ya Iseraele a re: “Re tla ya mmogo, morafe wa me le wa gago, dipitse tsa me le tsa gago.” Josafate a ba a raya kgosi ya Iseraele a re: “A ko o botse lefoko la Morena pele.” Ke fa kgosi ya Iseraele e kgobokanya baporofeti, e ka ne e le banna ba le 400, e ba botsa e re: “A ke ke ye go lwela Ramothe kwa Gileate, kampo ke lese?” Ba araba ba re: “Bolola, Morena o tla mo neela mo diatleng tsa kgosi.” Mme Josafate a re: “A ga go na moporofeti yo mongwe wa Morena mono yo re ka mmotsang?” Kgosi ya Iseraele ya araba Josafate ya re: “Go sa ntse go le monna a le mongwe yo re ka botsang Morena ka ene, mme ke mo tlhoile, gonne ga a bolelele pele tse di molemo ka ga me, fa e se tse di bosula fela. Ke Miga morwa Imela.” Mme Josafate a re: “A kgosi e se re jalo.” Ke fa kgosi ya Iseraele e bitsa modiredi mongwe wa lapa la yona e re: “Akofa o bitse Miga morwa Imela.” Mme kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bo di dutse nngwe le nngwe mo sedulong sa yona sa bogosi, di apere tsa bogosi, e le mo seboaneng fa mojakong wa kgoro ya Samaria, baporofeti botlhe ba ntse ba bolela pele fa pele ga tsona. Mme Setekia morwa Kenana o ne a itiretse dinaka tsa tshipi, a tla natso a re: “Morena o bua jaana a re: ‘O tla tlhaba Basiria ka dinaka tse go fitlhelela ba felelele.’ ” Le baporofeti botlhe ba bolelela pele jalo ba re: “Bololela motse wa Ramothe kwa Gileate. O tla nna tlhogonolo, mme Morena o tla o neela mo diatleng tsa kgosi.” Mme morongwi yo o neng a ile go bitsa Miga a mo raya a re: “A ko o bone, mafoko a baporofeti a a utlwana, a molemo mo kgosing. Ka thapelo a lefoko la gago le tshwane le lefoko la mongwe wa bone, o bue tse di molemo.” Mme Miga a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ke tla bua tse Morena o di ntaelang.” Ya re a fitlha kwa kgosing, kgosi ya mmotsa ya re: “Miga, a ke re ye kwa Ramothe kwa Gileate go tlhabana kampo re lese?” A e araba a re: “Bolola, o tla nna tlhogonolo, mme Morena o tla o neela mo diatleng tsa kgosi.” Mme kgosi ya mo raya ya re: “Ke go ikanisega kae gore o se ka wa mpolelela sepe fa e se boammaaruri fela mo leineng la Morena?” A fetola a re: “Ke bonye Baiseraele botlhe ba phatlaletse kwa dithabeng jaaka dinku tse di se nang modisa. Mme Morena a re: ‘Ga ba na morena. A mongwe le mongwe a boele kwa gae ka kagiso!’ ” Ke fa kgosi ya Iseraele e raya Josafate e re: “A ga ke a go bolelela gore ga a bolele pele tse di molemo ka ga me fa e se tse di bosula fela.” Miga a ba a re: “Ka moo utlwa lefoko la Morena. Ke bonye Morena a dutse mo sedulong sa gagwe sa bogosi le mephato yotlhe ya legodimo e eme fa go ene mo ntlheng ya le le jang la gagwe le mo ntlheng ya la molema. Morena o rile: ‘Ke mang yo o tla tsietsang Ahabe gore a bolole, a tle a swele kwa Ramothe kwa Gileate?’ Mongwe a bua jaana, yo mongwe a bua kago sele. Ga tlhagelela mowa wa ema fa pele ga Morena wa re: ‘Ke nna ke tla mo tsietsang.’ Mme Morena a o botsa a re: ‘Ka eng?’ Wa re: ‘Ke tla bolola go ya go nna mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe ba gagwe.’ Morena a re: ‘O tla mo tsietsa, le gona o tla mo kgona. Tsamaya o dire jalo.’ “Jaanong he, bona, Morena o tsentse mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe ba ba gago, mme tota Morena o buile tsa tatlhego ka ga gago.” Ke fa Setekia morwa Kenana a atamela a faphola Miga mo lesameng a re: “Mowa wa Morena o ntlogetse jang, wa bua nao?” Miga a araba a re: “O tla bona ka letsatsi leo o tla tsenang ntlo le ntlwana ka lone go ya go iphitlha.” Mme kgosi ya Iseraele ya re: “Tshwara Miga, o mo ise kwa go Amone molaodi wa motse le kwa go Joase morwa kgosi, o re: ‘Kgosi e buile jaana ya re: Tsenyang yo mo ntlong ya kgolegelo, a jele bogobe tlase, le metsi a se ka a mo lekana go fitlhelela ke boe ka kagiso.’ ” Mme Miga a re: “Fa o boa tota ka kagiso, Morena o tla bo a sa bua ka nna.” A ba a re: “Utlwang, lona merafe yotlhe!” Jaanong kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bololela Ramothe kwa Gileate. Mme kgosi ya Iseraele ya raya Josafate ya re: “Ke tla ba ikgakisa, ke tsena jalo mo tlhabanong, wena o nne o ntse o apere diaparo tsa gago tsa bogosi.” Kgosi ya Iseraele ya apara diaparo di sele, ya tsena jalo mo tlhabanong. Mme kgosi ya Siria e ne e laetse balaodi ba dikoloi tsa ntwa di le 32 tsa yona ya re: “Lo se ka lwa tlhabana le ope yo monnye gongwe yo mogolo fa e se le kgosi ya Iseraele e le yosi fela.” Mme e rile balaodi ba dikoloi ba bona Josafate, ba re: “Ahee, ke ene kgosi ya Iseraele!” mme ba fapogela kwa go ene go tlhabana nae. Ke fa Josafate a goa. Mme ya re balaodi ba dikoloi ba lemoga gore ga se ene kgosi ya Iseraele, ba boa, ba mo tlogela. Mme monna mongwe a gagamatsa bora, a hula fela ka phopholetso, a tlhaba kgosi ya Iseraele fa makopanong a diaparo tsa tshipi. Mme kgosi ya raya mokgweeletsi wa yona ya re: “Sokolola koloi o nntshe mo tlhabanong, gonne ke khutlegile.” Jaanong ya re tlhabano e gakala ka letsatsi leo, kgosi ya bo e eme ka go itshoka mo koloing e lebaganye le Basiria. Mme mantsiboa ya swa, koloi e tletse madi a ntho ya yona. Mme ya re letsatsi le phirima, ga utlwala mokgosi mo bothibelelong o o reng: “A mongwe le mongwe a boele kwa motseng wa ga gabo le kwa nageng ya ga gabo.” Kgosi ya swa jalo, ya isiwa kwa Samaria, ya fitlhwa teng. Mme ya re ba tlhatswa koloi fa letsheng la Samaria, dintšwa tsa latswa madi a yona, mme diaka tsa tlhapa teng ka fa lefokong la Morena le o le buileng. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Ahabe le tsotlhe tse o neng a di dira le ntlo ya dinaka tsa tlou e o neng a e aga le metse yotlhe e o e agileng kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme Ahabe a robala le borraagwe, mme Ahasia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Josafate morwa Asa o ne a simolola go busa Juta ka ngwaga wa bone wa puso ya ga Ahabe kgosi ya Iseraele. E rile Josafate a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 35; a busa dinyaga di le 25 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Asuba morwadia Silegi. O ne a sepela gotlhe mo tseleng ya ga Asa rraagwe a sa fapoge mo go yona; a dira tse di siameng mo matlhong a Morena. Fela dithota tsa tlhabelo ga di a ka tsa tlosiwa. Batho ba ne ba sa ntse ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo. Josafate o ne a agisanya le kgosi ya Iseraele. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Josafate le ditiro tsa bopelokgale tsa gagwe tse o neng a di dira le ka fa a tlhabanyeng ka teng kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Le masalela a banna ba ba direlang medimo ka boaka a a neng a setse mo malatsing a ga Asa rraagwe, Josafate a a nyeletsa mo lefatsheng. Mme ga bo go se na kgosi kwa Etomo ka sebaka seo; go busa monna yo o beilweng. Le gona Josafate o ne a dira dikepe tsa Tharesise go ya go tsaya gouta kwa Ofire, mme tsa se ka tsa ya, ka di ne di robega kwa Esione-Gebere. Ka sebaka sele Ahasia morwa Ahabe a raya Josafate a re: “A batlhanka ba me ba tsamae le batlhanka ba gago mo dikepeng;” mme Josafate a gana. Mme Josafate a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Jorame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Ahasia morwa Ahabe a nna kgosi ya Baiseraele kwa Samaria ka ngwaga wa 17 wa puso ya ga Josafate kgosi ya Juta; a busa Iseraele dinyaga di le pedi. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a sepela mo tseleng ya ga rraagwe le mo tseleng ya ga mmaagwe le mo tseleng ya ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele. A direla Baale, a mo obamela, a galefisa Morena Modimo wa Iseraele, fela jaaka rraagwe a ne a dira. E rile Ahabe a sena go swa, Bamoabe ba ikepa mo Baiseraeleng. Ahasia o kile a wa mo fenstereng e e tswalwang ka letloa ya ntlwana ya gagwe e e kwa godimo kwa Samaria, a ba a lwala. Ke fa a roma barongwi a ba laela a re: “Yaang lo botse Baale-Sebube modimo wa Ekerone lo re: ‘A ke tla fola mo bolwetseng jo?’ ” Mme moengele wa Morena a bua le Elia wa Thišebe a re: “Nanoga o ye go kgatlhantsha barongwi ba kgosi ya Samaria o ba ree o re: ‘A ke ka ntlha ya go tlhoka Modimo mo Iseraeleng, fa lo ya go botsa Baale-Sebube modimo wa Ekerone?’ Ke ka moo Morena o buang jaana a re: ‘Ga o kitla o fologa mo bolaong jo o palameng mo go jona, o tla swela mo go jona.’ ” Elia a bua jalo, a ba a tsamaya. Ke fa barongwi ba boela kwa go Ahasia, mme a ba botsa a re: “Lo boetseng?” Ba mo araba ba re: “Go ne ga tlhaga monna mongwe, a re kgatlhantsha, a re raya a re: ‘Yaang lo boele kwa kgosing e e lo romileng, lo e ree lo re: Morena o bua jaana a re: A ke ka ntlha ya go tlhoka Modimo mo Iseraeleng, fa wena o roma go botsa Baale-Sebube modimo wa Ekerone? Ke ka moo o sa ka keng wa fologa mo bolaong jo o palameng mo go jona, mme sa gago ke go swa fela.’ ” A ba a ba botsa a re: “Monna yo o neng a tlhaga a lo kgatlhantsha, a lo bolelela mafoko ao, o ne a ntse jang?” Ba mo araba ba re: “E ne e le monna yo o apereng kobo e e boboa, a itlamile letheka ka moitlamo wa letlalo.” Ene a re: “Ke Elia wa Thišebe!” Foo a roma molaodi wa batlhabani ba ba 50 le bone ba ba 50 bao kwa go ene. A tlhatlogela kwa go ene, a fitlhela a dutse mo setlhoeng sa thaba a mo raya a re: “Wena monna wa Modimo, kgosi ya re: ‘Fologa!’ ” Elia a fetola, a raya molaodi wa ba ba 50 a re: “Jaanong fa ke le monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa legodimong, o go je le ba ba 50 ba gago.” Ke fa molelo o fologa kwa legodimong, o mo nyeletsa le bone ba ba 50 ba gagwe. A ba a roma molaodi wa ba ba 50 yo mongwe le bone ba ba 50 bao kwa go ene. A simolola go bua a mo raya a re: “Wena monna wa Modimo, kgosi e buile jaana ya re: ‘Akofa o fologe!’ ” Elia a fetola a mo raya a re: “Fa ke le monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa legodimong, o go je le ba ba 50 ba gago.” Ke fa molelo wa Modimo o fologa kwa legodimong, o mo nyeletsa le ba ba 50 ba gagwe. A boela a roma molaodi wa ba ba 50 wa boraro le bone ba ba 50 bao. E rile molaodi wa boraro wa ba ba 50 a sena go tlhatloga le go fitlha, a khubama ka mangole fa pele ga Elia, a kopa bopelotlhomogi mo go ene a mo raya a re: “Wena monna wa Modimo, ka thapelo a ko o rekegele botshelo jwa me le maphelo a batlhanka ba gago ba ba 50 ba. Kana molelo o fologile kwa legodimong, wa ja balaodi ba ba ba 50 ba babedi ba ntlha le ba ba 50 ba bone mmogo. Mme jaanong, rekegela botshelo jwa me!” Ke fa moengele wa Morena a raya Elia a re: “Fologa nae, se mmoife!” A nanoga, a fologa nae a ya kwa kgosing. A feta a e raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘E re ka o ne wa roma barongwi go botsa Baale-Sebube modimo wa Ekerone jaaka e kete ga go na Modimo mo Iseraeleng o go ka bodiwang lefoko la ona, ke ka moo o se neng o fologa mo bolaong jo o palameng mo go jona, mme o tla swela ruri!’ ” Ka nnete a swa ka fa lefokong la Morena le Elia o neng a le buile, mme Jorame morwa-rraagwe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe ka ngwaga wa bobedi wa ga Jorame morwa Josafate kgosi ya Juta; ka gonne Ahasia o ne a se na morwa. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Ahasia le tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. E rile Morena a rata go tlhatlosetsa Elia kwa legodimong ka ledimo Elia a tsamaya le Elisa, ba tswa kwa Gilegala. Elia a raya Elisa a re: “A ko o sale fa, gonne Morena o nthomile kwa Bethele.” Mme Elisa a re: “Ka botshelo jwa Morena le ka botshelo jwa gago, ga ke ne ke go tlogela.” Mme ba ya kwa Bethele. Ke fa barutwa ba boporofeti ba ba neng ba le kwa Bethele ba tswela kwa go Elisa ba mo raya ba re: “A o a itse gore kajeno Morena o tla tlosa mong-wa-go mo godimo ga tlhogo ya gago?” A araba a re: “Le nna ke a itse. Didimalang!” Elia a ba a mo raya a re: “Elisa, a ko o sale fa, gonne Morena o nthomile kwa Jerigo.” Mme a re: “Ka botshelo jwa Morena le ka botshelo jwa gago, ga nkitla ke go tlogela.” Mme ba fitlha kwa Jerigo. Ke fa barutwa ba boporofeti ba ba neng ba le mo Jerigo ba atamela Elisa ba re: “A o a itse gore kajeno Morena o tla tlosa mong-wa-go mo godimo ga tlhogo ya gago?” A araba a re: “Le nna ke a itse. Didimalang!” Elia a ba a mo raya a re: “A ko o sale fa, gonne Morena o nthomile kwa Joretane.” Mme a re: “Ka botshelo jwa Morena le ka botshelo jwa gago! Ga nka ke ka go tlogela.” Mme ba tsamaya boo babedi. Mme banna ba le 50 ba barutwa ba boporofeti ba ya ba ema fa thoko ba katogile, fa ba babedi bao ba ema fa Joretane. Mme Elia a tsaya kobo ya gagwe, a e tshopha, a itaya metsi ka yona. Ke fa metsi a kgaogana a ntsha phatlha, mme ba tshela ka bobedi fa go omileng. Ya re ba sena go tshela, Elia a raya Elisa a re: “Kopa se nka se go direlang ke ise ke tlosiwe fa go wena.” Elisa a re: “Ka thapelo, a go nne dikabelo di le pedi tsa mowa wa gago mo go nna.” A araba a re: “O kopile se se thata. Mme fa o ka mpona ke tlosiwa fa go wena, go tla go dirafalela jalo. Fela fa go sa nna jalo, ga go ne go dirafala.” Mme ya re ba ntse ba tsamaya, ba bua mmogo, ga tlhaga koloi ya molelo le dipitse tsa molelo ka tshoganyetso, tsa ba kgaoganya. Mme Elia a tlhatlosediwa kwa legodimong ka ledimo, Elisa a ntse a bona a goa a re: “Rra wee, rra wee! Koloi ya Iseraele le bapalami ba yona!” Mme a se ka a tlhola a mmona. A ba a tshwara diaparo tsa gagwe a di gagoganya dikarolo di le pedi. Jaanong a tsholetsa kobo ya ga Elia e e oleng mo go ene, a boa a ema fa losing lwa Joretane. A ba a tsaya kobo ya ga Elia e e oleng mo go ene, a itaya metsi a re: “O kae Morena, Modimo wa ga Elia?” Mme le ene ya re a itaya metsi, a kgaogana, a ntsha phatlha, mme Elisa a tshela. Mme ya re barutwa ba boporofeti ba Jerigo ba ba kwa moseja ba mmona, ba re: “Mowa wa ga Elia o mo go Elisa.” Mme ba tla ba mo kgatlhantsha, ba mo ikobela fa fatshe, ba mo raya ba re: “A ko o bone, mo batlhankeng ba gago go na le banna ba le 50 ba e leng dinatla. A ba ke ba tsamae ba batle mong-wa-go, e se re gongwe Mowa wa Morena wa bo o mo tsholeditse, wa mo digela mo go nngwe ya dithaba gongwe mo go mongwe wa melapo.” Mme a re: “Lo se ka lwa dira jalo.” Mme ba nna ba mo rapela thata ga tsamaya a lapisega a re: “Ba romeng he!” Ba roma banna ba ba 50, ba batla malatsi a le mararo, mme ba se ka ba mmona. Ba boela kwa go ene a ntse a le kwa Jerigo, mme a ba raya a re: “A ga ke a lo raya ka re: ‘Lo se ka lwa ya’?” Mme banna ba motse ba raya Elisa ba re: “A ko o bone, bonno jwa motse o bo bontle jaaka mong wa rona a bona, mme metsi ga a siama, mme naga e, e dira tshenyego ya letsalo.” Ene a re: “Ntlisetsang letswai ka mogopo o mošwa.” Ba o tlisa kwa go ene. Jaanong a tswela kwa motsweding wa metsi, a tshela letswai mo teng a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Ke alafile metsi a. Ga go kitla go tlhola go tswa loso le e seng se se dirang tshenyego ya letsalo mo go ona.’ ” Metsi a alafega jalo go fitlha letsatsing leno ka fa lefokong la ga Elisa le o neng a le bua. A tloga teng a tlhatlogela kwa Bethele; ya re a ntse a tlhatloga le tsela, basimanyana ba tswa mo motseng, ba mo sotla, ba mo raya ba re: “Tlhatloga, lefatla! Tlhatloga, lefatla!” A gadima, mme ya re a ba bona, a ba hutsa ka leina la Morena. Ke fa dibere di le pedi tse dinamagadi di tswa mo sekgweng, di gagola bana ba le 42 mo go bone. Go tloga teng a ya kwa thabeng ya Karemele; a ba a tloga teng a boela kwa Samaria. Jorame morwa Ahabe a simolola go busa Iseraele kwa Samaria ka ngwaga wa 18 wa puso ya ga Josafate kgosi ya Juta, a busa dinyaga di le 12. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena fela e seng jaaka rraagwe le mmaagwe, ka a ne a tlosa lefika le le motloutlo la ga Baale le rraagwe o neng a le dirile. Fela a nna a kgomarela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele; a se ka a a tlogela. Mme Meša kgosi ya Moabe e ne e le morui wa dinku; a kgethela kgosi ya Iseraele dikwana di le 100 000 le boboa jwa diphelehu di le 100 000. Fela e rile Ahabe a sena go swa, kgosi ya Moabe ya ikepa mo kgosing ya Iseraele. Ke fa kgosi Jorame a bolola kwa Samaria ka sebaka seo, a bala Baiseraele botlhe. A ba a roma kwa go Josafate kgosi ya Juta a re: “Kgosi ya Moabe e ikepile mo go nna. A o tla ya le nna go tlhabana le Bamoabe?” A araba a re: “Ke tla bolola, nna jaaka wena le morafe wa me jaaka morafe wa gago le dipitse tsa me jaaka dipitse tsa gago.” A ba a botsa a re: “Re ka bolola ka tsela efe?” A araba a re: “Ka tsela ya sekaka sa Etomo.” Ga ya kgosi ya Iseraele le kgosi ya Juta le kgosi ya Etomo; mme ya re ba sena go potologa ka leeto la malatsi a supa, ga tlhokafala metsi a mephato le a diruiwa tse di e setseng morago. Ke fa kgosi ya Iseraele e re: “Ijoo! Kana Morena o biditse dikgosi tse tharo tse go di neela mo diatleng tsa Bamoabe!” Mme Josafate kgosi ya Juta a botsa a re: “A ga go na moporofeti wa Morena fano gore re botse Morena ka ene?” Mongwe wa batlhanka ba kgosi ya Iseraele a araba a re: “Elisa morwa Safate ke yo; ke ene yo o neng a tshela metsi mo diatleng tsa ga Elia.” Josafate a re: “Lefoko la Morena le mo go ene.” Mme kgosi ya Iseraele le Josafate le kgosi ya Etomo ba ya kwa go ene. Mme Elisa a raya kgosi ya Iseraele a re: “Ga ke na sepe nao! Yaa kwa baporofeting ba ga rraago le ba ga mmaago.” Mme kgosi ya Iseraele ya mo araba ya re: “Nnyaya tlhe! Kana Morena o biditse dikgosi tse tharo tse go di neela mo diatleng tsa Bamoabe.” Elisa a ba a re: “Ka bophelo jwa Morena wa masomosomo yo ke mo direlang, fa nka bo ke sa tlotle sefatlhego sa ga Josafate kgosi ya Juta, nka bo ke sa go lebe le e seng go go tsaya tsia. Jaanong he, ntlisetsang moletsi.” Mme ya re moletsi a letsa, seatla sa Morena sa nna mo go ene. A ba a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Epang dikgatampi mo molapong ono.’ Gonne Morena o bua jaana a re: ‘Ga lo ne lo bona phefo, ga lo ne lo bona pula, mme molapo o o tla tlala metsi, mme lo tla nwa lona le mephato ya lona le diruiwa tsa lona.’ Mme go re jalo ga go ise go lekane mo matlhong a Morena; le gona o tla neela Bamoabe mo diatleng tsa lona, mme lo tla thopa metse yotlhe e e femetsweng le metse yotlhe e e tlhaotsweng, lo rema ditlhare tse dintle tsotlhe, lo thiba metswedi ya metsi yotlhe, lo senya masimo otlhe a a siameng ka majwe.” Ka nnete ka moso ka nako ya tshupelo ya dijo ba bona metsi a tlhaga ntlheng ya Etomo, mme naga ya tlala metsi. Mme e rile Bamoabe botlhe ba utlwa go twe: “Dikgosi tsele di bolotse go tlhabana le lona,” ga kuiwa botlhe ba ba itlamang ka moitlamo le bomogoloa-bone, mme ba ema fa molelwaneng. Ya re ba phakela, mme letsatsi le galalela mo metsing, Bamoabe ba lebaganye nalo, ba bona metsi a le mahibidu, e kete madi. Ke fa ba re: “Ke madi! Tota dikgosi di tlhaselanye, tsa bolayana. Jaanong he, Bamoabe, a re yeng thopong!” Mme ya re ba fitlha kwa bothibelelong jwa Baiseraele, Baiseraele ba bothologa, ba fenya Bamoabe mo ba bileng ba tshaba fa pele ga bone. Baiseraele ba nna ba tsenelela mo nageng ya bone ba ba bolaya. Ba diga metse, masimo otlhe a a molemo mongwe le mongwe a latlhela lentswe la gagwe mo go ona, ba a tlatsa majwe, ba thiba metswedi yotlhe ya metsi, ba rema ditlhare tsotlhe tse dintle, ga sala motse wa Haresethe o le osi fela, mme beng ba diragamajwe ba o dikanyetsa ba o konopa. Mme e rile kgosi ya Moabe e bona tlhabano e e palela, ya tsaya banna ba le 700 ba ba somolang tšhaka nayo, ya re e ya go sutlha fa kgosing ya Etomo, mme ba palelwa. Ke fa e tsaya morwaa-yona yo mogolo yo o neng a tla nna kgosi mo boemong jwa yona, e mo dira setlhabelo sa phiso mo godimo ga lobota. Jaanong bogale jo bogolo jwa wela Baiseraele, mme ba e tlogela, ba boela kwa lefatsheng la bone. Mosadi mongwe wa basadi ba barutwa ba boporofeti o kile a lela mo go Elisa a re: “Motlhanka wa gago, monna wa me, o sule, mme o a itse gore motlhanka wa gago o ne a boifa Morena. Jaanong motho yo go tserweng molato mo go ene o tlile a re, o tsaya bana ba babedi ba me go nna batlhanka ba gagwe.” Elisa a mmotsa a re: “Nka go direlang? Mpolelele se o nang naso mo ntlong.” Mosadi a araba a re: “Lelata la gago ga le na sepe mo ntlong fa e se kurwana ya lookwane fela.” Elisa a re: “Yaa o ikadimele dilo tse o ka tshelang mo go tsona ka kwa ntle mo go botlhe ba o agileng nabo, e bong dinkgo tse di se nang sepe di le dintsi. O be o ye kwa gae, o itswalele le bomorwao, o tshele mo dinkgong tseo tsotlhe. E e tlalang o e bee fa thoko.” Mosadi a tloga kwa go ene, a dira jalo; a itswalela le bomorwawe. Bone ba mo tlisetsa dinkgo, ene a nna a tshela. Ya re dinkgo di sena go tlala, mosadi a raya morwawe a re: “Ntlisetse nkgo gape.” A re: “Ga go tlhole go le nkgo.” Ke fa lookwane lo khutla go ela. Mosadi a tla a bolelela monna wa Modimo. Ene a re: “Yaa o rekise lookwane, o lefe molato wa gago; mme lo lo setseng o phele ka lone le bomorwao.” E kile ya re letsatsi le lengwe Elisa a fetela kwa Suneme. Teng go ne go le mosadi wa mohumi; ene a mo laletsa thata gore a je dijo. Go tloga foo e ne ya re fa a feta teng, a fapogele gona go ja dijo. Mme mosadi yoo a raya monna wa gagwe a re: “A ko o bone, ke lemogile gore monna yo o ntseng a feta fa go rona ka metlha ke yo o boitshepo wa Modimo. A re ke re mo direle ntlwana ya dipota kwa godimo, re mmeele teng bolao le tafole le sedulo le setlhomo sa lobone, mme e tla re fa a tla go rona, a nne teng.” Jaanong ya re letsatsi le lengwe a tla teng a tlhatlogela kwa ntlwaneng e e kwa godimo, a robala teng. A ba a raya Kehasi modiredi wa gagwe a re: “Bitsa mosadi yoo wa Suneme.” A mmitsa, mme a tla a ema fa pele ga gagwe. Elisa a ba a laela Kehasi a re: “A ko o ree mosadi o re: ‘Kana o re babaletse ka pabalelo yotlhe e. Wena o ka direlwang? A o batla puelelo kwa kgosing gongwe kwa molaoding wa mephato?’ ” Mosadi a re: “Nnyaya, ke agile sentle mo gare ga morafe wa ga etsho.” Elisa a ba a botsa a re: “Mme mosadi o ka direlwang?” Kehasi a re: “Kana ga a na ngwana wa mosimane, mme monna wa gagwe o tsofetse.” Elisa a ba a re: “Mmitse!” Ya re a sena go mmitsa, mosadi a tla a ema fa mojako. Ke fa Elisa a re: “Isago ka nako e o tla bo o tlamparela ngwana wa mosimane.” Mme mosadi a re: “Nnyaya, mong wa me, monna wa Modimo, se aketse lelata la gago.” Mme mosadi a nna moimana, a tshola ngwana wa mosimane e le isago ka nako e Elisa o e mmoleletseng. E rile ngwana a sena go gola, letsatsi le lengwe a tswela kwa go rraagwe kwa barobing, a ba a raya rraagwe a re: “Tlhogo ya me! Tlhogo ya me!” Ene a laela modiredi a re: “Mo tsholetse, o mo ise kwa go mmaagwe.” A mo kuka, a mo isa kwa go mmaagwe, mme mmaagwe a mo fara go fitlha motshegare, a ba a swa. Ke fa mosadi a tlhatloga, a mmaya mo bolaong jwa monna wa Modimo, a mo tswalela, a tswela kwa ntle, a bitsa monna wa gagwe a re: “A ko o nthomele mongwe wa batlhanka le nngwe ya diesele tse dinamagadi gore ke akofe ke ye kwa monneng wa Modimo ke be ke boe.” Mme monna a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ya kwa go ene kajeno, e se ka ngwedi o o rogilweng le e seng ka Sabata?” Mosadi a re: “Sala sentle!” Mosadi a ba a belesa esele e namagadi, a raya modiredi wa gagwe a re: “Kgweetsa o itlhaganele, re se ka ra diega mo tseleng go ya ke be ke go bolelele.” Mosadi a ya jalo, a fitlha kwa monneng wa Modimo kwa thabeng ya Karemele. Ya re monna wa Modimo a mmonela kgakalanyana, a raya Kehasi modiredi wa gagwe a re: “Bona, mosadi wa Suneme ke yole. Jaanong a ko o taboge go mo kgatlhantsha, o mmotse o re: ‘A o phela sentle? A monna wa gago o phela sentle? A ngwana o phela sentle?’ ” Mosadi a re: “Sentle!” Mme ya re mosadi a fitlha kwa monneng wa Modimo mo thabeng, a mo tshwara dinao. Ke fa Kehasi a atamela go mo koba. Mme monna wa Modimo a re: “Mo lese, gonne o pelo e botlhoko. Mme Morena o ntobetse, ga a ka a nkitsise.” Mosadi a re: “A ke kopile ngwana wa mosimane mo go mong wa me? A ga ke a ka ka re: ‘Se ntsholofetse tse e seng tsona’?” Mme Elisa a laela Kehasi a re: “Itlame letheka, o tsee thobane ya me ka seatla, o tsamae. Fa o kgatlhana le motho se mo dumedise; mme fa motho a go dumedisa, se mo arabe; o fete o bee thobane ya me mo sefatlhegong sa mosimane.” Mme mmaagwe mosimane a re: “Ka botshelo jwa Morena le ka botshelo jwa gago! Ga nkitla ke go tlogela.” Ke fa Elisa a nanoga, a mo sala morago. Mme Kehasi o ne a ba eteletse pele, a feta a baya thobane mo sefatlhegong sa mosimane, mme go se na tumo epe le e seng sesupo sepe sa bophelo. A ba a boa go mo kgatlhantsha, a mo itsise a re: “Mosimane ga a ka a thanya.” Ya re Elisa a tsena mo ntlong, a fitlhela mosimane a sule, a beilwe mo bolaong jwa gagwe. A ba a tsena, a itswalela le mosimane, a rapela Morena. A ba a palama, a patlama mo godimo ga ngwana, a lebaganya molomo le molomo wa gagwe le matlho le matlho a gagwe le diatla le diatla tsa gagwe, a patlama jalo mo go ene. Ke fa mmele wa mosimane o thuthafala. A ba a patlamologa, a tsamayatsamaya mo ntlong, a ya fale, a tla fano gangwe fela; a palama gape, a patlama mo go ene. Ke fa mosimane a ethimola gasupa a ba a budulola matlho. Jaanong Elisa a bitsa Kehasi a re: “Bitsa mosadi yoo wa Suneme.” A mmitsa, mme ya re mosadi a tla kwa go ene, Elisa a re: “Tsholetsa morwao.” Mosadi a tla, a wela fa dinaong tsa gagwe, a ikobela fa fatshe; a ba a kuka morwawe, a tswa. Mme Elisa a boela kwa Gilegala go ntse go le tlala mo lefatsheng. Jaanong ya re barutwa ba boporofeti ba dutse fa pele ga gagwe, a laela modiredi wa gagwe a re: “Tlhatlega pitsa e kgolo, o apeele barutwa ba boporofeti dijo.” Mme mongwe a tswela kwa nageng go ga morogo; a bona mofuta wa morara, a kgetla magabala mo go ona, a tlatsa seaparo sa gagwe, a ba a tla gae, a a gabelela mo pitseng ya dijo; gonne o ne a sa a itse. A ba a tsholela banna bao gore ba je. Ya re ba leka dijo tse, ba goa ba re: “Monna wa Modimo, loso lo mo pitseng!” Ba palelwa ke go a ja. Ene a re: “Tlisang bupe!” A bo tshela mo pitseng a re: “Tsholela batho gore ba je.” Ke fa go sa utlwale sepe se se bolayang mo pitseng. Ga tlhaga monna a tswa kwa Baale-Salisa, a tlisetsa monna wa Modimo dinkgwe tsa mabutswapele, e bong dinkgwe tsa garase di le 20 le tsa letlhafula mo tlatleng ya gagwe. A ba a re: “Neela batho gore ba je.” Mme modiredi wa gagwe a re: “Nka di neela jang banna ba le lekgolo?” Mme Elisa a re: “Neela batho gore ba je. Gonne Morena o bua jaana a re: ‘Ba tla ja ba be ba sadisa.’ ” Jaanong a ba beela pele, mme ba ja, ba sadisa ka fa lefokong la Morena. Naamane molaodi wa mephato ya kgosi ya Siria e ne e le monna yo mogolo fa pele ga mongwagwe, e le motlotlegi; gonne Morena o ne a neile Basiria phenyo ka ene. Mme monna yoo wa mogale o ne a bolawa ke lepero. Jaanong Basiria ba kile ba bolola ba le makoko, ba thopa mosetsana yo monnye mo lefatsheng la Iseraele; ene a nna lelata la mosadi wa ga Naamane. Mme a raya mohumagadi wa gagwe a re: “Ao! Fa mong wa me a ka bo a le kwa go moporofeti yo o kwa Samaria, foo ene o ka bo a tlosa lepero mo go ene.” Ke fa Naamane a tsena, a bolelela morena wa gagwe a re: “Mosetsana yo o tswang kwa lefatsheng la Iseraele o buile jaana le jaana.” Mme kgosi ya Siria ya re: “Tsamaya o ye teng, ke tla romela kgosi ya Iseraele lokwalo.” A tsamaya a tshotse ditalente di le some tsa selefera le dišekele di le 6 000 tsa gouta le diaparo di le some tsa mokgabo; a isa lokwalo loo kwa kgosing ya Iseraele lo lo reng: “Jaanong fa lokwalo lo, lo fitlha koo go wena, o itse gore ke romile Naamane motlhanka wa me koo go wena gore o tlose lepero mo go ene.” Ya re kgosi ya Iseraele e buisa lokwalo loo, ya ikgagola diaparo ya re: “A ke Modimo go ka bolaya le go ka phedisa, fa yoo a roma go nna gore ke golole monna mo leperong? Nnyaya! Lo ka lemoga, lwa bona fela gore o batla go lwa le nna.” Ya re Elisa monna wa Modimo a utlwa go twe: Kgosi ya Iseraele e ikgagotse diaparo! A roma kwa kgosing a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ikgagotse diaparo? A a tle kwa go nna gore a itse, fa go na le moporofeti mo Iseraeleng.” Naamane a tla ka dipitse tsa gagwe le ka dikoloi tsa gagwe, a ema fa mojakong wa ga Elisa. Mme Elisa a roma morongwi a re: “Yaa o tlhape gasupa mo Joretane, foo mmele wa gago o tla go boela, mme o itsheka.” Ke fa Naamane a galefa a tsamaya a re: “Kana ke ne ka re: O tla tswa ka esi a ema, a bitsa leina la Morena, Modimo wa gagwe, a kgadikanya letsogo godimo ga felo fa go leng lepero, a tlosa lepero jalo. Dinoka tsa Damaseko tsa Abana le Farephare a ga di phale metsi aotlhe a Iseraele? A ga nka ke ka tlhapa mo go tsona ka itsheka?” Mme a hulara a tsamaya a ngadile. Mme batlhanka ba gagwe ba mo atamela, ba bua nae ba re: “Rra, fa moporofeti a ka bo a go laetse go dira se segolo, a o ka bo o sa se dire? Bogolo jang, ka a go laetse fela a re: ‘Tlhapa, mme o tla itsheka.’ ” Ke fa a fologa, a ikina gasupa mo Joretane ka fa lefokong la monna wa Modimo. Mme nama ya gagwe ya boa, ya tshwana le nama ya mosimanyana, a itsheka. Jaanong a boela kwa monneng wa Modimo ene le lesomo lotlhe la gagwe, a tla a ema fa pele ga gagwe a re: “A ko o bone, ke lemogile gore ga go na Modimo mo lefatsheng lotlhe fa e se mo Iseraeleng fela. Jaanong he, a ko o amogele mpho ya tebogo mo motlhankeng wa gago.” Mme Elisa a re: “Ka botshelo jwa Morena yo ke mo direlang! Ga ke ne ke e amogela.” Le fa a mo emelela go e tsaya, a gana. Ke fa Naamane a re: “Le fa go sa nna jalo, ka thapelo a motlhanka wa gago a fiwe mmu o o ka rwalwang ke meboulwe e le mebedi. Gonne motlhanka wa gago ga a kitla a tlhola a direla medimo e sele ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tse di jewang fa e se Morena fela. Fela a Morena a itshwarele motlhanka wa gago mo selong se fa ya re mong wa me a tsena mo ntlong ya ga Rimone go obamela gona, a ikaega ka letsogo la me, le nna ke ikobe mo ntlong ya ga Rimone, fa ene a obamela mo ntlong ya ga Rimone; a Morena a itshwarele motlhanka wa gago mo selong se.” A mo raya a re: “Tsamaya ka kagiso!” Mme ya re a sena go tloga sebaka mo go ene, Kehasi, modiredi wa ga Elisa monna wa Modimo a re: “Kana mong wa me o rekegetse Naamane wa Mosiria yoo, a sa amogela sepe mo seatleng sa gagwe sa tse o neng a di tlisitse. Ka botshelo jwa Morena! Ke tla taboga, ke mo latela, ke amogela sengwe mo go ene.” Mme Kehasi a latela Naemane ka potlako. Ya re Naamane a mmona a tla a mo sianetse, a fologa mo koloing, a mo kgatlhantsha a re: “A go siame koo?” A re: “Ee, go siame. Mong wa me o nthomile a re: ‘Bona, ke gona go tlang makau a le mabedi go nna a barutwa ba boporofeti, a tswa kwa dithabeng tsa Eferaime. A ko o ba nee talente e le nngwe ya selefera le diaparo di le pedi tsa mokgabo.’ ” Naamane a re: “Ka thapelo tsaya ditalente di le pedi.” Mme a mo emelela, a bofelela ditalente tse pedi mo dikgetseng di le pedi le diaparo tse pedi tsa mokgabo, a di neela badiredi ba le babedi ba gagwe, ba di mo rwalela. Jaanong ya re ba fitlha kwa thabaneng, a di tsaya mo diatleng tsa bone, a di boloka mo ntlong, a naya banna bao tsela, mme ba tsamaya. Mme ya re a sena go tsena le go ema fa pele fa mongwagwe, Elisa a mmotsa a re: “O tswa kae, Kehasi?” A re: “Motlhanka wa gago ga a tswe gope.” Mme Elisa a mo raya a re: “A pelo ya me e ne e se na nao, fa monna a retologa, a fologa mo koloing ya gagwe, a go kgatlhantsha? A ke nako ya go tsaya selefera le go tsaya diaparo le ditlhare tsa olefa le masimo a moweine le dinku le dikgomo le batlhanka le malata? Fela lepero la ga Naamane le tla ngaparela wena le ba losika lwa gago ka metlha yotlhe.” Ke fa a tloga fa pele ga gagwe, a tswa a sweufetse ka lepero jaaka semathana. Barutwa ba boporofeti ba kile ba raya Elisa ba re: “A ko o bone, felo fa re nnang teng fa pele ga gago ga go re lekane. Nte re ye kwa Joretane, mongwe le mongwe a ye go tsaya tlhomeso e le nngwe gore re itirele manno ka tsona mo re ka nnang teng.” A ba raya a re: “Yaang he!” Mme mongwe a re: “Tsweetswee a ko o ye le batlhanka ba gago.” A araba a re: “Ke tla ya.” A ya nabo. Ya re ba sena go fitlha kwa Joretane, ba rema ditlhare. Mme ya re mongwe a rema setlhare ka selepe, sa wela mo metsing. A ba a goa a re: “Ijoo! Mong wa me, kana se adimilwe!” Mme monna wa Modimo a re: “Se wetse kae?” Ya re a mmontsha felo fao, a kgaola thupa, a e latlhela gona, a kokobatsa tshipi jalo. A ba a re: “E inole.” A ntsha letsogo, a e tsaya. E kile ya re kgosi ya Siria e tlhabana le Iseraele, ya gakololana le batlhanka ba yona ya re: “Bothibelelo jwa me bo tla nna kwa go re.” Mme monna wa Modimo a roma kwa kgosing ya Iseraele a re: “Itise gore o se ka wa feta felo foo, gonne Basiria ba fologela teng.” Ke fa kgosi ya Iseraele e roma batlhabani kwa felong fa monna wa Modimo a go e boleletseng. O ne a tle a e tlhagise jalo gore e itise teng e seng gangwe gongwe gabedi fela. Mme kgosi ya Siria ya huduega pelo ka ntlha ya selo se, ya bitsa batlhanka ba yona, ya ba raya ya re: “A ga lo ka ke lwa mpolelela gore ke mang mo go rona yo o gogang le kgosi ya Iseraele?” Mme mongwe wa batlhanka ba yona a re: “Nnyaya, kgosi, mong wa me! Ke Elisa moporofeti wa kwa Iseraele yo o itsiseng kgosi ya Iseraele mafoko a ò a buang mo ntlwaneng ya gago ya borobalo.” Ke fa kgosi e re: “Yaang lo tlhole fa a leng teng gore ke rome, ke mo tshware.” Ba e begela ba re: “Itse gore o kwa Dothane.” Jaanong ya roma dipitse le dikoloi tsa ntwa le mophato o mogolo wa batlhabani teng; ba fitlha bosigo, ba dika motse. Mme e rile modiredi wa monna wa Modimo a phakela a tsoga, a tswela kwa ntle, a fitlhela batlhabani ba dikanyeditse motse ka dipitse le dikoloi tsa ntwa. Jaanong modiredi wa gagwe a mo raya a re: “Ijoo, mong wa me, re tla dira jang?” A fetola a re: “Se boife! Gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta bale.” Elisa a ba a rapela a re: “Morena, a ko o mmudulole matlho gore a bone.” Morena a budulola matlho a modiredi, mme a bona a fitlhela thaba e tletse dipitse le dikoloi tsa ntwa tsa molelo mo tikologong ya ga Elisa. Jaanong ya re Basiria ba fologela kwa go ene, Elisa a rapela Morena a re: “A ko o betse batho ba ka bofofu.” Morena a ba betsa ka bofofu ka fa lefokong la ga Elisa. Ke fa Elisa a ba raya a re: “Tsela e ga se yona le motse o ga se ona. Ntshaleng morago, ke tla lo isa kwa monneng yo lo mmatlang.” Mme a ba isa kwa Samaria. Ya re ba fitlha kwa Samaria, Elisa a rapela a re: “Morena, ba budulole matlho gore ba bone.” Morena a ba budulola matlho, mme ba bona, ba fitlhela ba le mo gare ga Samaria. Ya re kgosi ya Iseraele e ba bona, ya botsa Elisa ya re: “A ke ke ba bolae, rra?” Mme a fetola a re: “Se ba bolae! A o ka bolaya ba o ba tshwereng ka tšhaka ya gago le ka bora jwa gago? Ba bee bogobe le metsi pele gore ba je, ba nwe, ba be ba boele kwa go mongwabo.” Kgosi ya ba direla moletlo o mogolo wa dijo, ba a ja, ba a nwa; ya ba ya ba naya tsela, ba ya kwa go mongwabo. Mme go tloga foo makoko a a thukhuthang a Basiria a se ka a tlhola a tla mo lefatsheng la Iseraele. Morago ga moo Benehatate kgosi ya Siria ya phutha mephato yotlhe ya yona, ya bolola, ya dikanyetsa motse wa Samaria ka ntwa. Ya re ba ntse ba o dikanyeditse jalo, ga nna tlala e kgolo mo Samaria ga tsamaya tlhogo ya esele ya rekwa ka dišekele di le 80 tsa selefera le karolo ya bone ya kabe ya mantle a maeba ya rekwa ka dišekele di le tlhano tsa selefera. E kile ya re kgosi ya Iseraele e feta mo godimo ga lobota, mosadi a goela kwa go yona a re: “Nthuse, kgosi mong wa me!” Mme ya fetola ya re: “Fa Morena a sa go thuse, nka go thusa ka tse di tswang kae, go se sepe kwa seboaneng le e seng kwa setšhwetlelong sa maungo?” Kgosi ya ba ya mmotsa ya re: “Molato ke eng?” A re: “Mosadi yo, o letse a ntheile a re, ke ntshe morwaake gore re mo je kajeno; morwawe re tla mo ja kamoso. Ra apaya morwaake jalo, ra mo ja. Mme ya re kamoso ke mo raya ke re: ‘Ntsha morwao gore re mo je!’ a bo a subile morwawe.” Ya re kgosi e utlwa mafoko a mosadi yoo, ya ikgagola diaparo e ntse e tsamaya mo godimo ga lobota, mme batho ba bona e apere kgetse ka fa teng mo mmeleng wa yona. Ya ba ya re: “A Modimo o ntirele jaana, o be o nkokeletse jaana fa letsatsi le ka phirima kajeno tlhogo ya ga Elisa morwa Safate e sa ntse e le mo go ene.” Ya re Elisa a ntse a dutse mo ntlong ya gagwe a na le bagolo, kgosi ya roma monna yo o e etelelang pele. Mme ya re morongwi a ise a fitlhe kwa go ene, Elisa a raya bagolo a re: “A lo bonye gore morwa mmolai yo, o romile morongwi go nkgaola tlhogo. Okomelang! E re fa morongwi a tla, lo tswaleng setswalo, lo be lo mo kgorometse ka sona. Mokgwasa wa dinao tsa mongwagwe a ga o utlwale fa morago ga gagwe?” Ya re a sa ntse a bua nabo, kgosi ya tlhaga, ya fologela kwa go ene, ya re: “Bonang, tatlhego e, e tswa kwa Moreneng. Ke sa ntse ke lebelela eng mo Moreneng?” Mme Elisa a re: “Utlwang lefoko la Morena! Morena o bua jaana a re: ‘Kamoso ka nako e lekokoko la bupe jo bosweu le tla ja šekele le makokoko a le mabedi a garase a tla ja šekele mo kgorong ya Samaria.’ ” Mme molaodi wa batlhabani yo kgosi e neng e ikaega ka letsogo la gagwe a fetola monna wa Modimo a re: “Bona, le fa Morena a dira maroba kwa legodimong, a go ka dirafala jalo?” Mme Elisa a re: “Bona, o tla bona ka matlho a gago, mme ga o ne o ja dijo tsa teng.” Jaanong go ne go le banna ba balepero ba le bane fa kgorong, mme ba raana ba re: “Re duletseng fano go fitlhelela re be re e swa? Fa re ka re: A re tseneng mo motseng go ntse go le tlala mo motseng, re tla swela gona; mme fa re ka nna fano le gona re tla swa. Jaanong he, a re tshabeleng kwa bothibelelong jwa Basiria. Fa ba re phedisa, re tla phela; fa ba re bolaya, re tla swa.” Mme ba nanoga ka lotlatlana go ya kwa bothibelelong jwa Basiria. Mme ya re ba fitlha kwa tshimologong ya bothibelelo jwa Basiria, ba fitlhela go se na ope. Gonne Morena o ne a utlwisitse mephato ya Basiria loratla lwa dikoloi tsa ntwa le metibo ya dipitse le modumo wa mephato e mentsi, mme ba raana ba re: “Bonang, kgosi ya Iseraele e rapile dikgosi tsa Bahethe le dikgosi tsa Egepeto go tlhabana le rona gore di tle di re wele.” Ka moo ba ne ba bothologile ka lotlatlana, ba tshaba, ba tlogela ditente tsa bone le dipitse tsa bone le diesele tsa bone, e bong bothibelelo ka fa bo ntseng ka teng, ba re ba pholosa maphelo a bone. Jaanong ya re balepero bale ba fitlha kwa tshimologong ya bothibelelo, ba tsena mo tenteng nngwe, ba a ja, ba a nwa, ba tsaya selefera teng le gouta le diaparo, ba ya ba di epela; ba boa ba tsena mo tenteng e nngwe, ba tsaya dilo teng, ba ya ba di epela. Ba be ba raana ba re: “Ga re dire ka tshwanelo. Letsatsi le ke letsatsi la mafoko a boitumelo. Fa re ka didimala le go diega go fitlhelela bosigo bo sa, re tla bonwa molato. Jaanong he, tlayang a re yeng, re begele ba kgosing.” Ya re ba fitlha, ba bitsa badisa ba kgoro ya motse, ba ba itsise ba re: “Re tswa kwa bothibelelong jwa Basiria, re fitlhetse go se na ope, le e seng lentswe la motho, fa e se dipitse di golegilwe le diesele di golegilwe le ditente ka fa di ntseng ka teng.” Ke fa badisa ba kgoro ba tlhaba mokgosi, mme ga begwa mo teng ga ntlo ya kgosi. Kgosi ya tsoga bosigo ya raya batlhanka ba yona ya re: “A nke ke lo bolelele se Basiria ba se re diretseng: Ba itse gore re bolawa ke tlala, mme ba ne ba tswa mo bothibelelong go ya go iphitlha kwa nageng ba re: ‘E tla re ba tswa mo motseng, re ba tshware fela, re sa ba bolae, re be re tsene mo motseng.’ ” Ga fetola mongwe wa batlhanka ba yona a re: “A ko go tsewe dipitse di le tlhano mo go tse di setseng. Kana di tshwana fela le bontsi jotlhe jwa Baiseraele ba ba setseng mo go ona. Kana di tshwana fela le bontsi jotlhe jwa Baiseraele ba ba nyeletseng. A re di romeleng, re be re bone.” Ke fa ba tsaya dikoloi di le pedi le dipitse, mme kgosi ya roma batho ka tsona gore ba letele mephato ya Basiria ya re: “Yaang lo bone!” Ya re ba ba latela go ya kwa Joretane, ba fitlhela tsela yotlhe e tletse diaparo le dibolai tse Basiria ba di latlhileng ka go tshaba ka potlako. Ke fa barongwi ba boa ba bolelela kgosi jalo. Jaanong batho ba tswa, ba thukhutha bothibelelo jwa Basiria, mme lekokoko la bupe jo bosweu la ja šekele le makokoko a le mabedi a garase a ja šekele ya selefera ka fa lefokong la Morena. Mme kgosi ya dira molaodi yole wa batlhabani yo e neng e ikaega ka letsogo la gagwe mookamedi wa kgoro. Gona mo kgorong batho ba mo gataka, mme a swa jaaka go ne go buile monna wa Modimo yo o buileng jalo, fa kgosi e fologela kwa go ene. Ga dirafala jaaka monna wa Modimo a ne a boleletse kgosi a re: “Kamoso ka nako e makokoko a le mabedi a garase a tla ja šekele ya selefera le lekoko la bupe jwa setou le tla ja šekele mo kgorong ya Samaria.” Ke fa molaodi wa batlhabani a ne a fetotse monna wa Modimo a re: “Bona, le fa Morena a dira maroba kwa legodimong, a go ka dirafala jalo?” Mme Elisa o ne a arabile a re: “Bona, o tla bona ka matlho a gago, mme ga o ne o ja dijo tsa teng.” Ga mo dirafalela jalo: Batho ba mo gataka mo kgorong, mme a swa. Elisa o ne a laetse mosadi yo a kileng a phedisa morwawe a re: “Nanoga, wena le ba lapa la gago, o ye go jaka kwa o ka jakang teng. Gonne Morena o tsisa tlala.” E bile ya tla mo lefatsheng dinyaga di supa. Mosadi a nanoga, a dira ka fa lefokong la monna wa Modimo, a huduga le ba lapa la gagwe, a jaka kwa lefatsheng la Bafelesita dinyaga di supa. Mme e rile dinyaga di supa di sena go feta, mosadi a boa kwa lefatsheng la Bafelesita; a feta a ya go ipega kwa kgosing ka ntlha ya ntlo ya gagwe le ka ntlha ya tshimo ya gagwe. Mme kgosi ya bo e bua le Kehasi modiredi wa monna wa Modimo ya re: “A ko o mpolelele ditiro tse dikgolo tsotlhe tse Elisa o di dirileng.” Jaanong ya re a bolelela kgosi jaaka a kile a tsosa moswi, ga tlhaga ene mosadi yo a kileng a tsosa morwawe, a ipega mo kgosing ka ntlha ya ntlo ya gagwe le ka ntlha ya tshimo ya gagwe. Ke fa Kehasi a re: “Kgosi, mong wa me, mosadi yole ke ene yo; le morwawe ke ene yo, yo Elisa o kileng a mo tsosa.” Kgosi ya botsa mosadi, mme a e bolelela. Kgosi ya ba ya mo neela modiredi mongwe wa lapa la yona ya re: “Mmusetse tsotlhe tse o neng a na natso le tsotlhe tse tshimo e di ntshitseng go tloga letsatsing le o neng a tlogela lefatshe ka lone go fitlha jaanong.” Letsatsi le lengwe Elisa a ya kwa Damaseko, mme Benehatate kgosi ya Siria a bo a lwala. Ke fa a begelwa go twe: “Monna wa Modimo o gorogile mono.” Jaanong kgosi ya laela Hasaele ya re: “Tsaya mpho, o ye go kgatlhantsha monna wa Modimo, o be o botse Morena ka ene gore a ke tla fola mo bolwetseng jo?” Mme Hasaele a ya go mo kgatlhantsha, a tshotse mpho ya dilo tse dintle tsa mefutafuta tsa Damaseko, e le morwalo wa dikammele di le 40. A fitlha a ema fa pele ga gagwe a re: “Morwao Benehatate kgosi ya Siria o nthomile kwano go wena a re: ‘A ke tla fola mo bolwetseng jo?’ ” Elisa a mo araba a re: “Yaa o mo ree o re: ‘O tla fola bolwetse.’ Mme Morena o ntshupeditse gore o tla swa e se ka bolwetse.” Monna wa Modimo a emisa sefatlhego sa gagwe, a rerega mo go fetang tekanyo, a ba a lela. Mme Hasaele a botsa a re: “Mong wa me o lelelang?” A fetola a re: “Ke a lela, gonne ke itse tse di bosula tse o tla di direlang Baiseraele. Metse e e femetsweng ya bone o tla e latlhela mo molelong, o bolaya makau a bone ka tšhaka, o tšhwetlakanya bana ba bone, o phunya ba baimana ba bone dimpa.” Hasaele a ba a re: “Kana motlhanka wa gago yo e leng ntšwa ke eng, mo a ka dirang dilo tse di kana tse?” Elisa a araba a re: “Morena o go mpontshitse o le kgosi ya Siria.” A ba a tloga kwa go Elisa, mme ya re a fitlha kwa go mongwagwe, ene a mmotsa a re: “Elisa o go reile a reng?” A araba a re: “O ntheile a re: ‘O tla fola bolwetse.’ ” Mme kamoso a tsaya kobo, a e ina mo metsing, a e ala mo sefatlhegong sa gagwe mo a bileng a swa, mme Hasaele a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Jorame morwa Josafate kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa botlhano wa puso ya ga Jorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele. E rile a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 32; a busa dinyaga di pedi kwa Jerusalema. A sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele jaaka go dirile ba lapa la ga Ahabe; gonne morwadia Ahabe e ne e le mosadi wa gagwe, mme a dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Mme Morena a bo a sa rate go senya Juta ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa gagwe, jaaka a ne a mo solofeditse go naya ene le bomorwawe lobone ka metlha yotlhe. Ka malatsi a gagwe Baetomo ba ikepa ba tswa mo taolong ya Juta, ba ipeela kgosi. Ke fa Jorame a bolola, a ya kwa Saire a na le dikoloi tsotlhe tsa ntwa. Mme a nanoga bosigo, a sutlha Baetomo ba ba mo tsentseng gare, ene le balaodi ba dikoloi tsa ntwa, mme batlhabani ba tshabela kwa gae. Baetomo ba ikepa jalo, ba tswa mo pusong ya Juta go fitlha letsatsing la kajeno. Ba Lebena le bone ba ikepa ka sona sebaka seo. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jorame le tsotlhe tse o neng a di dira, kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme Jorame a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go bone mo motseng wa ga Dafita, mme Ahasia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta a simolola go busa ka ngwaga wa some pedi wa puso ya ga Jorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele. Ya re Ahasia a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 22; a busa ngwaga o le mongwe fela kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Athalea morwadia Ahabe morwa Omeri kgosi ya Iseraele. A sepela mo tseleng ya lelapa la ga Ahabe, a dira tse di bosula mo matlhong a Morena jaaka ba lapa la ga Ahabe; gonne rraagwe e ne e le mokgonyane wa lelapa la ga Ahabe. O kile a ya le Jorame morwa Ahabe go tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria kwa Ramothe wa Gileate, mme Basiria ba khutla Jorame. Ke fa kgosi Jorame a boa gore a alafiwe dintho kwa Iserele tse Basiria ba di mo ntshitseng kwa Ramothe, fa a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Mme Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta a ya go lekola Jorame morwa Ahabe kwa Iserele, ka a ne a lwala. Letsatsi le lengwe moporofeti Elisa a bitsa mongwe wa barutwa ba boporofeti, a mo laela a re: “Itlame letheka o tshole modutwana o wa lookwane ka seatla, o ye kwa Ramothe wa Gileate. E re o sena go fitlha teng, o tlhole Jehu gona morwa Josafate morwa Nimesi, o be o tsene o mo nanose mo gare ga bomorwa-rraagwe, o mo ise ntlwaneng e e kwa tengteng. O be o tsee modutwana wa lookwane, o lo tshele mo tlhogong ya gagwe o re: ‘Morena o bua jaana a re: Ke go tloditse go nna kgosi ya Iseraele.’ E be gona o bulang setswalo, o tshabe. O se ka wa diega.” Ke fa lekau modiredi wa moporofeti a ya kwa Ramothe wa Gileate. A tsena a fitlhela balaodi ba mephato ba dutse teng a re: “Ke na le go bua nao, molaodi.” Jehu a botsa a re: “O raya mang mo go rona rotlhe?” A re: “Ke raya wena molaodi.” Ke fa a nanoga a tsena mo ntlong, mme yole a tshela lookwane mo tlhogong ya gagwe a mo raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana wa re: ‘Ke go tloditse go nna kgosi ya Iseraele ya morafe wa Morena. Mme o bolae ba lapa la ga Ahabe mong-wa-go. Madi a baporofeti batlhanka ba me le madi a batlhanka botlhe ba Morena a a tsholotsweng ke Isebele ke tla a busolosa jalo. Botlhe ba lelapa la ga Ahabe ba tla nyelela. Ke tla fedisa botlhe ba batonanyana ba ga gabo Ahabe mo Iseraeleng, ke sa rekegele ope. Ke tla dira lelapa la ga Ahabe jaaka lelapa la ga Jerobeame morwa Nebate le jaaka lelapa la ga Baesa morwa Ahia. Mme Isebele o tla jewa ke dintšwa mo tshimong ya Iserele, go se na yo o mo fitlhang.’ ” A re jalo a ba a bula setswalo a tshaba. Jaanong ya re Jehu a tswela kwa batlhankeng ba mongwagwe, ba mmotsa ba re: “A go siame? Setsenwa seo se ne se tletseng kwano go wena?” A ba araba a re: “Lo itse monna yoo le puo ya gagwe ka losi.” Mme ba re: “O a loba! Re bolelele tlhe!” A re: “O ntheile jaana le jaana a re: ‘Morena o bua jaana a re: Ke go tloditse go nna kgosi ya Iseraele.’ ” Ke fa ba akofa, mme mongwe le mongwe a tsaya seaparo sa gagwe, ba di baya mo mapalamong fa tlase ga gagwe, ba letsa lonaka ba re: “Jehu ke kgosi!” Jaanong Jehu morwa Josafate morwa Nimesi a tsosetsa Jorame moferefere. Kana Jorame o ne a ntse a disitse kwa Ramothe wa Gileate, ene le Baiseraele botlhe go thibela Hasaele kgosi ya Siria. Mme kgosi Jorame o ne a boile go alafiwa dintho kwa Iserele tse a di ntshitsweng ke Basiria fa a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Mme Jehu a re: “Fa lo dumalelana le nna, a go se ka ga thoba ope, a tswa mo motseng go ya go bolela kwa Iserele.” Jehu a ba a palama koloi a ya kwa Iserele. Gonne Jorame o ne a ikokela teng, mme Ahasia kgosi ya Juta o ne a ile teng go mo lekola. Mme motlhodi yo o neng a eme mo godimo ga lonaka lwa phemelo lwa Iserele a bona lesomo la ga Jehu le tla, a re: “Ke bona lesomo.” Ke fa Jorame a re: “Tsaya mopalami wa pitse, o mo rome gore a ba kgatlhantshe, a botse a re: ‘A lo tla ka kagiso?’ ” Mme mopalami wa pitse a ya go mo kgatlhantsha a re: “Kgosi e botsa jaana ya re: ‘A go kagiso?’ ” Mme Jehu a fetola a re: “O dirang ka kagiso! Mpote ka fa morago.” Ke fa motlhodi a bega a re: “Morongwi o fitlhile kwa go bone, mme ga a boe.” A ba a roma mopalami wa pitse wa bobedi, mme a fitlha kwa go bone a re: “Kgosi e botsa jaana ya re: ‘A go kagiso?’ ” Mme Jehu a fetola a re: “O dirang ka kagiso! Mpote ka fa morago.” Motlhodi a bega gape a re: “O fitlhile kwa go bone, mme ga a boe. Fela kgweetso e tshwana le kgweetso ya ga Jehu morwa Nimesi; gonne o kgweetsa jaaka setsenwa.” Ke fa Jorame a re: “Golegang!” Ba golega koloi ya gagwe. Mme Jorame kgosi ya Iseraele a bolola le Ahasia kgosi ya Juta, mongwe le mongwe a le mo koloing ya gagwe, ba tswa go kgatlhantsha Jehu, ba mo fitlhela kwa tshimong ya ga Nabothe wa Iserele. Ya re Jorame a bona Jehu, a mmotsa a re: “A go kagiso, Jehu?” Mme a mo fetola a re: “Go ka nna kagiso jang go ntse go le boaka jwa ga Isebele mmaago le mereo e mentsi ya boloi ya gagwe!” Ke fa Jorame a sokolola koloi ya gagwe a tshaba, a raya Ahasia a re: “Ke leferetlho, Ahasia.” Mme Jehu a goga bora, a hula Jorame fa gare ga magetla a gagwe, motsu wa phololela ka pelo, mme a wela mo koloing ya gagwe. Jehu a ba a laela Bitekare, modiredi wa gagwe wa motlhabani, a re: “Mo tsee o mo latlhele mo kabelong ya naga ya ga Nabothe wa Iserele. Kana gakologelwa gore e rile nna le wena re palame re bapile re setse Ahabe rraagwe morago, Morena a bua lefoko le ka ga gagwe le le reng: ‘Ruri, ke letse ke bonye madi a ga Nabothe le madi a bomorwawe maabane, go bua Morena, mme ke tla a busolosa mo go wena mo tshimong e, go bua Morena.’ Jaanong he, mo tsee o mo latlhele mo tshimong e ka fa lefokong la Morena.” Ya re Ahasia kgosi ya Juta a bona jalo, a tshaba a lebile mokgoro wa tshimo. Mme Jehu a mo latelela a re: “Le ene lo mo hule!” Mme ba mo hula mo koloing kwa phateng ya Gure gaufi le Ibeleame. Mme a tshabela kwa Megito a swela teng. Batlhanka ba gagwe ba mo isa kwa Jerusalema ka koloi, ba mo fitlha mo lebitleng la gagwe fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita. Ahasia o ne a simolotse go busa Juta ka ngwaga wa some nngwe wa puso ya ga Jorame morwa Ahabe. Mme Jehu a fitlha kwa Iserele. Ya re Isebele a utlwa jalo, a itaka matlho ka setlolo se sentsho, a kgabisa tlhogo ya gagwe, a ba a okomela ka fenstere. Ya re Jehu a tsena ka kgoro, Isebele a mmotsa a re: “Simeri o ne a phela nako e e kae, mmolai wa mongwagwe?” Ke fa Jehu a lelalela kwa fenstereng a botsa a re: “Ke mang yo o gogang le nna? Ke mang?” Jaanong ya re badiredi ba le babedi gongwe ba le bararo ba lapa la kgosi ba okomela kwa go ene, a laola a re: “Mo digeleng fa fatshe!” Ba mo digela fa fatshe, mme madi a gagwe a phatšhegela mo loboteng le mo dipitsing, tsa ba tsa mo gataka. Jehu a tsena, a ja, a nwa, a ba a laela a re: “A ko lo tlhole mosadi yo o hutsitsweng yole, lo mo fitlhe, gonne ke morwadia kgosi.” Mme ya re ba re ba ya go mo fitlha, ba fitlhela go se na sepe sa gagwe fa e se logata le dinao le diatla fela. Ba boa ba mmegela, mme a re: “Ke lefoko la Morena le o le buileng ka motlhanka wa gagwe Elia wa Thišebe a re: ‘Dintšwa di tla ja nama ya ga Isebele mo nageng ya Iserele. Mme setoto sa ga Isebele se tla nna mo nageng mo tshimong ya Iserele go nna letshotelo, mo ba tla palelwang ke go re: Isebele ke yo.’ ” Go ne go le bomorwa Ahabe ba le 70 kwa Samaria. Jaanong Jehu a kwala dikwalo, a di romela kwa Samaria go balaodi ba motse le go bagolo le go bagodisi ba bomorwa Ahabe, a re: “Jaanong he, e re lokwalo lo, lo fitlha koo go lona ba lo nang le bomorwa mong wa lona ba lo bileng lo na le dikoloi tsa ntwa le dipitse le motse o o femetsweng le dibolai, foo lo tlhophe yo o siameng yo o tshwanetseng mo go bomorwa mong wa lona, lo mmee mo sedulong sa bogosi sa ga rraagwe, lo tlhabanele lelapa la mong wa lona.” Mme ba boifa thata thata ba re: “Kana o paletse dikgosi tse pedi, rona re ka ema jang?” Ke fa ba ba neng ba okametse ntlo ya kgosi le ba ba okametseng motse le bagolo le bagodisi ba roma kwa go Jehu ba re: “Re batlhanka ba gago. Re tla dira tsotlhe tse o di re laelang. Ga re ne re dira ope kgosi. Dira tse di siameng mo matlhong a gago.” Jaanong a ba kwalela lokwalo lwa bobedi a re: “Fa lo le ba me, fa lo utlwa lentswe la me, tsayang ditlhogo tsa banna tsa bomorwa mong wa lona, lo di tlise kwano go nna mo Iserele kamoso ka nako e.” Kana bomorwa kgosi, banna ba le 70, ba ne ba na le bagolo ba motse ba ba neng ba ba godisa. Mme ya re lokwalo loo lo fitlha kwa go bone, ba tsaya bomorwa kgosi, ba ba bolaya, e le banna ba le 70, ba tsenya ditlhogo tsa bone mo dirotong, ba di romela kwa go ene kwa Iserele. Ya re morongwi a fitlha, a mmegela gore ba tlisitse ditlhogo tsa bomorwa kgosi, a laela a re: “Di direng mekoa e mebedi fa kgorong go fitlhelela ka moso.” Mme mo mosong a tswela kwa ntle, a ema a raya batho botlhe a re: “Lona ga lo na molato. Kana ke nna ke tsoseditseng mong wa me moferefere, ka mmolaya. Mme botlhe bao ba bolailwe ke mang? Lemogang he, fa go se na lefoko lepe la Morena le Morena o le buileng ka ga lelapa la ga Ahabe le le welang fa fatshe. Morena o dirafaditse tse o di buileng ka Elia motlhanka wa gagwe.” Jehu a ba a bolaya botlhe ba ba setseng ba lelapa la ga Ahabe mo Iserele le ba bagolo botlhe ba gagwe le ba o neng a ba ikantse le baperesiti ba gagwe, ga tsamaya a se ka a mo sadisetsa mofalodi ope. A ba a nanoga a ya kwa Samaria. Ya re a le mo tseleng fa motseng wa Bethekete o e leng wa badisa, a kgatlhana le bomorwa-rraagwe Ahasia kgosi ya Juta, a ba botsa a re: “Lo bomang?” Ba araba ba re: “Re bomorwa-rraagwe Ahasia. Re tsile go dumedisa bomorwa kgosi le bomorwa mohumagadi.” Mme a laela batlhanka a re: “Ba tshwareng ba sa phela.” Ba ba tshwara, ba ya go ba bolaela fa mokweleng wa Bethekete, e le banna ba le 42; a se ka a sadisa ope wa bone. A tloga teng, a kgatlhana le Jonatabe morwa Regabe, a tla go mo kgatlhantsha. Mme Jehu a mo dumedisa, a mmotsa a re: “A pelo ya gago e na le pelo ya me ka nnete jaaka pelo ya me e na le pelo ya gago?” Jonatabe a araba a re: “Ee!” Jehu a re: “Fa go ntse jalo, nneela letsogo.” A mo neela letsogo. Jehu a ba a mo palamisa fa go ene mo koloing, a re: “Tlaya le nna o mpone ka boitumelo ke tlhoafalela Morena.” Mme a ya nae mo koloing ya gagwe. Ya re a fitlha kwa Samaria, a bolaya botlhe ba ba setseng ba ga Ahabe mo Samaria ga tsamaya a ba feleletsa ka fa lefokong la Morena le o kileng a le bua le Elia. Ya baa gona Jehu a kgobokanyang morafe otlhe a ba raya a re: “Ahabe o ne a direla Baale go le gonnye fela, mme Jehu o tla mo direla segolo. Jaanong he, biletsang baporofeti botlhe ba ga Baale le botlhe ba ba mo direlang le baperesiti botlhe ba gagwe kwano go nna, mme go se ka ga tlhokafala ope; gonne ke rata go direla Baale tlhabelo e kgolo. Mongwe le mongwe yo o ka tlhokafalang ga a ka ke a phela.” Mme Jehu a dira jalo ka bolotsana gore a nyeletse ba ba direlang Baale. Jehu a ba a re: “Tlhabang mokgosi, lo bege moletlo o o boitshepo wa ga Baale!” Mme ba o kua. Le gona Jehu a roma barongwi kwa Baiseraeleng botlhe, mme ga tla badiredi botlhe ba ga Baale, go se ope yo o se kang a tla. Ba tsena mo tempeleng ya ga Baale, mme tempele ya ga Baale ya tlala, mo ba bileng ba pitlagana. Ke fa a laela mookamedi wa ntlo ya diaparo a re: “Ntshetsa badiredi botlhe ba ga Baale diaparo.” Mme a ba ntshetsa diaparo. Jaanong Jehu a tsena mo tempeleng ya ga Baale a na le Jonatabe morwa Regabe, a raya badiredi ba ga Baale a re: “Botsolotsang, lo tlhole sentle, e se re gongwe ga nna mongwe wa badiredi ba Morena le lona fano. Mme a e nne badiredi ba ga Baale ba le bosi fela.” Jaanong ba tsena go dira ditlhabelo tse di jewang le ditlhabelo tse di fisiwang. Mme Jehu o ne a beile banna ba le 80 ka fa ntle, a ba laetse a re: “Yo o ka falodisang mongwe wa banna ba ke ba tsenyang mo diatleng tsa lona o tla swa mo boemong jwa gagwe.” Ya re a sena go dira ditlhabelo tsa phiso, Jehu a laela batabogi le bagale a re: “Tsenang lo ba bolae go se ka ga falola ope.” Mme ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka. Batabogi le bagale ba be ba ba latlhela kwa ntle. Ba feta ba tsena mo felong fa go kwa tengteng ga tempele ya ga Baale, ba ntsha ditshwantsho tsa medimo mo tempeleng ya ga Baale ba di fisa. Ba diga lentswe le le motloutlo la ga Baale, ba be ba diga tempele ya ga Baale, ba e fetola matlwana a boithomelo go fitlha kajeno. Jehu o ne a nyeletsa Baale jalo mo go Iseraele. Fela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele one Jehu a se ka a a tlogela, e bong a go direla dinamane tsa gouta tse di neng di le kwa Bethele le kwa Dane. Morena o kile a raya Jehu a re: “E re ka o dirile sentle tse di siameng mo matlhong a me, wa direla lelapa la ga Ahabe fela jaaka go ne go le mo pelong ya me, ka moo bomorwao ba tla nna mo sedulong sa bogosi sa Iseraele go ya losikeng lwa bone.” Mme Jehu a se ka a tlhokomela go sepela ka fa molaong wa Morena, Modimo wa Iseraele, ka pelo yotlhe; a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame yo o neng a leofisa Baiseraele. Ka sebaka seo Morena a simolola go ngotla dinaga tsa Baiseraele. Hasaele a ba fenya fa melelwaneng yotlhe ya Iseraele, a thopa naga yotlhe ya Gileate go tloga fa Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bagate le ya Barubene le ya Bamanase, go tloga kwa Aroere yo o fa nokeng ya Arenone ya Gileate le ya Basane. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jehu le tsotlhe tse o neng a di dira le ditiro tsotlhe tsa gagwe tsa bopelokgale kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme Jehu a robala le borraagwe, a fitlhwa kwa Samaria, mme Joahase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Mme malatsi a Jehu o neng a busa Iseraele ka ona kwa Samaria e ne e le dinyaga di le 28. E rile Athalea mmaagwe Ahasia a bona morwawe a sule, a nanoga a bolaya botlhe ba losika lwa kgosi. Mme Jošeba morwadia kgosi Jorame, kgaitsadia Ahasia, a tsaya Joase morwa Ahasia, a mo utswa mo gare ga bana ba kgosi ba ba tla bolawang, a mo tsenya le mmelegi wa gagwe mo ntlwaneng ya malao; ba mo subela Athalea jalo, mme a se ka a bolawa. A nna le mmelegi wa gagwe mo Ntlong ya Morena; a fitlhegile dinyaga di le thataro, Athalea a ntse a busa lefatshe. Mme ka ngwaga wa bosupa moperesiti Joyata a roma a bitsa balaodi ba makgolo ba bafemedi ba kgosi le batabogi, a ba phuthela kwa Ntlong ya Morena a dira kgolagano nabo, a ba ikanisa mo Ntlong ya Morena, a ba bontsha morwa kgosi. A ba a ba laela a re: “Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Lo ditlhopha tse tharo. Ba setlhopha sa ntlha ba ba yang go disa ntlo ya kgosi ka Sabata – ba setlhopha sa bobedi ba dise kwa kgorong ya Sure, ba setlhopha sa boraro ba dise kwa kgorong e e fa morago ga batabogi, lo dise ntlo ya kgosi jalo go e femela – le ba ditlhopha tse pedi, lotlhe ba lo yang ka Sabata go disa Ntlo ya Morena fa kgosi e leng teng. Lo dikanyetse kgosi tikologong, mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe, mme yo o tsenang mo teng ga mephato e e bopeletseng a a bolawe; lo nne le kgosi, fa e tswa mo Ntlong ya Morena, le fa e tsena mo ntlong ya bogosi.” Mme balaodi ba makgolo ba dira fela jaaka moperesiti Joyata a ba laetse. Mongwe le mongwe a tsaya banna ba gagwe ba ba tleng ba ye tisong ya ntlo ya kgosi ka Sabata mmogo le ba ba tleng ba ye tisong ya Ntlo ya Modimo ka Sabata, ba tla kwa go moperesiti Joyata. Ke fa moperesiti a neela balaodi ba makgolo marumo le dithebe tsa kgosi Dafita tse di neng di le mo Ntlong ya Morena. Jaanong ya re batabogi ba sena go ikemisa – mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe – go tloga kwa sekhutlong sa borwa sa Ntlo ya Modimo go fitlha kwa sekhutlong sa bokone fa gare ga aletare le Ntlo ya Modimo go dikanyetsa kgosi; Joyata a ntsha morwa kgosi, a mo rwesa serwalo sa bogosi le tshupo ya molao, a mo dira kgosi, a mo tlotsa, mme batho ba opa diatla ba re: “A kgosi e phele!” E rile Athalea a utlwa modumo wa batabogi le wa morafe, a tla kwa morafeng kwa Ntlong ya Morena. Ya re a leba, a bona kgosi e eme mo sefateng ka fa tlwaelong le balaodi le baopedi le baletsi ba diphala ba le fa kgosing le batho botlhe ba lefatshe ba itumetse ba letsa diphala, Athalea a ikgagola diaparo a goa a re: “Moferefere! Moferefere!” Mme moperesiti Joyata a laela balaodi ba makgolo ba ba laolang mephato, a ba raya a re: “Mo ntshetseng kwa ntle ga malapa a Ntlo ya Modimo fa gare ga mephato e e bopeletseng, mme yo o mo salang morago lo mmolae ka tšhaka.” Gonne moperesiti o ne a rile: “A se ka a bolaelwa fa Ntlong ya Morena.” Jaanong ba mo tshwara ka diatla, mme ya re a fitlha kwa tsela ya dipitse e tsenang teng kwa ntlong ya kgosi, a bolaelwa gona. Ke fa Joyata a dira kgolagano fa gare ga Morena le kgosi le morafe ya go re: “Ba tla nna morafe wa Morena.” Le gona a e dira fa gare ga kgosi le morafe. Ya ba gona batho botlhe ba lefatshe ba tsenang mo tempeleng ya ga Baale, ba e diga, ba thubaganya dialetare tsa yona le ditshwantsho tsa yona gotlhe; ba be ba bolaya Mathane moperesiti wa ga Baale fa pele ga dialetare. Moperesiti Joyata a ba a tlhomela Ntlo ya Morena badisa; a ba a tsaya balaodi ba makgolo le bafemedi ba kgosi le batabogi le morafe otlhe wa lefatshe, mme ba tlosa kgosi fa Ntlong ya Morena, ba tsamaya ka tsela ya kgoro ya batabogi, ba tsena mo ntlong ya bogosi, mme kgosi ya nna mo sedulong sa bogosi. Batho botlhe ba lefatshe ba itumela, mme motse wa iketla. Athalea ba setse ba mmolaile ka tšhaka fa ntlong ya bogosi. E rile Joase a simolola go busa, a bo a le dinyaga di supa. Joase a nna kgosi ka ngwaga wa bosupa wa puso ya ga Jehu, a busa dinyaga di le 40 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Sibja wa Bereseba. Mme Joase a dira tse di siameng mo matlhong a Morena ka malatsi otlhe a gagwe a moperesiti Joyata o neng a mo gakolola ka ona. Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa. Batho ba ne ba sa ntse ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo. Joase o kile a laela baperesiti a re: “Madi aotlhe a a tlisiwang kwa Ntlong ya Morena e le dineo tse di boitshepo le madi a motho o a ntshisiwang ka fa moperesiti a mo kayang ka teng le madi aotlhe a motho o a tlisang ka bogagagwe kwa Ntlong ya Morena, a baperesiti ba a tsee, mongwe le mongwe mo go ba a ba itseng; fela a ba baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo ka ona gongwe le gongwe fa go senyegileng teng.” Jaanong ya re ka ngwaga wa 23 wa puso ya kgosi Joase baperesiti ba ise ba baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo, kgosi Joase a bitsa moperesiti Joyata le baperesiti ba bangwe a ba botsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo sa baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo? Jaanong he, lo se ka lwa tlhola lo tsaya madi mo go ba lo ba itseng, mme lo a ntshetse tshenyego ya Ntlo ya Modimo.” Mme baperesiti ba dumela gore ga ba ne ba tlhola ba tsaya madi mo bathong le e seng go baakanya tshenyego ya Ntlo ya Modimo. Ke fa moperesiti Joyata a dira letlole, a phunya letshoba mo sekhurumelong sa lone, a le baya fa thoko ga aletare ntlheng ya le le jang fa motho a tsena mo Ntlong ya Morena, mme baperesiti ba ba disang mojako ba tsenya madi aotlhe mo go lone a a tlisiwang kwa Ntlong ya Morena. Mme e ne ya re fa ba bona go le madi a mantsi mo letloleng, go tlhage mokwaledi wa kgosi le moperesiti yo mogolo, ba a tshele kgetsaneng ba bale madi a a fitlhelwang kwa Ntlong ya Morena; ba neele madi a a badilweng mo diatleng tsa baokamedi ba tiro kwa Ntlong ya Morena, mme bao ba duele babetli le baagi ba ba tshwereng tiro kwa Ntlong ya Morena le baagi ba dipota le babetli ba majwe; gape go rekwe dikgong le majwe a a betlilweng go baakanya tshenyego ya Ntlo ya Morena le tsotlhe tse di batlegang go baakanya Ntlo ya Morena. Fela kwa Ntlong ya Morena ga se ka ga dirwa megopo ya selefera le dithipa le dinkgwana tsa go kgatsha le diphala le e seng sediri sepe sa gouta le e seng sa selefera ka madi a a tlisiwang kwa Ntlong ya Morena. Mme a neelwa baokamedi ba tiro gore ba baakanye Ntlo ya Morena ka ona. Le gona ba ne ba se ka ba balabadisa banna bao ba ba neelwang madi diatleng gore ba a neele badiri ba tiro, mme ba dira ka go ba ikanya. Fa e le madi a tlhabelo ya molato le madi a ditlhabelo tsa boleo one a ne a sa tlhakanngwe le a Ntlo ya Morena, mme e ne e le a baperesiti. Metlheng eo ga bolola Hasaele kgosi ya Siria, a tlhasela motse wa Gathe a o thopa. A ba a ikaelela go ya go tlhasela Jerusalema. Ke fa Joase kgosi ya Juta a tsaya dineo tse di boitshepo tsotlhe tse Josafate le Jorame le Ahasia borraagwe dikgosi tsa Juta ba neng ba di abetse Ntlo ya Morena le dineo tse di boitshepo tsa gagwe le gouta yotlhe e e mo dikhumong tsa Ntlo ya Morena le tsa ntlo ya kgosi, a di romela Hasaele kgosi ya Siria. Ya baa gona a tlogelang Jerusalema. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joase le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme batlhanka ba gagwe ba mo tsogela, ba tsosa moferefere, ba bolaya Joase mo ntlong ya Milo fa go iwang kwa Sila. A bolawa ke Josagare morwa Simeathe le Josabate morwa Somere, batlhanka ba gagwe, a swa, a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita. Mme Amasia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Joahase morwa Jehu o ne a simolola go busa Iseraele kwa Samaria ka ngwaga wa 23 wa puso ya ga Joase morwa Ahasia kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le 17. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a sepela boleong jwa ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele; a se ka a bo tlogela. Ke fa Morena a tukela Baiseraele bogale a ba neela mo diatleng tsa ga Hasaele kgosi ya Siria le mo diatleng tsa ga Benehatate morwa Hasaele ka metlha yotlhe ele. Mme Joahase a kopa bopelotlhomogi fa pele ga Morena, mme Morena a mo utlwa. Gonne o ne a bona pitlagano ya Baiseraele, ka kgosi ya Siria e ba pitlaganya. Morena a naya Iseraele mogolodi, mme ene a ba golola mo diatleng tsa Basiria, mme Baiseraele ba iketla gape mo ditenteng tsa bone jaaka gale. Fela ba se ka ba tlogela boleo jwa lelapa la ga Jerobeame yo o neng a leofisa Baiseraele, mme ba sepela mo go jona; le gona modimako wa Ašera wa bo o ntse o eme kwa Samaria. Kana kgosi ya Siria e ne e se ka ya sadisetsa Joahase batlhabani, fa e se bapalami ba le 50 le dikoloi tsa ntwa di le some le batlhabani ba dinao ba le 10 000 fela; gonne e ne e ba nyeleditse, ya ba dira jaaka lerole, fa go phothwa mabele. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joahase le tsotlhe tse o neng a di dira le ditiro tsa bopelokgale tsa gagwe kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme Joahase a robala le borraagwe, a fitlhwa kwa Samaria, mme Joase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Joase morwa Joahase a simolola go busa Iseraele kwa Samaria ka ngwaga wa 37 wa puso ya ga Joase kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le 16. Mme a dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a se ka a tlogela boleo jotlhe jwa ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele, a sepela mo go jona. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joase le tsotlhe tse o neng a di dira le bopelokgale jwa gagwe, fa a ne a tlhabana le Amasia kgosi ya Juta kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme Joase a robala le borraagwe, mme Jerobeame a nna mo sedulong sa bogosi sa gagwe. Joase a fitlhwa kwa Samaria fa dikgosing tsa Iseraele. E rile Elisa a lwala bolwetse jo o neng a swa ka jona, Joase kgosi ya Iseraele a tla kwa go ene, a mo lelela a re: “Rra wee! Rra wee! Koloi ya Iseraele le bapalami ba yona.” Ke fa Elisa a mo raya a re: “Tsaya bora le metsu.” Ya re a sena go mo tseela bora le metsu, a raya kgosi ya Iseraele a re: “Baya letsogo mo boreng.” A baya letsogo mo go jona, mme Elisa a baya diatla mo diatleng tsa kgosi a re: “Bula fenstere e e lebileng kwa botlhabatsatsi.” Mme a e bula. Elisa a ba a re: “Hula.” Mme a hula. Ke fa Elisa a re: “Ke motsu wa phenyo wa Morena le motsu wa go fenya Basiria, mme o tla fenya Basiria gotlhe kwa Afeke.” Elisa a ba a re: “Tsaya metsu!” A e tsaya. Jaanong a raya kgosi ya Iseraele a re: “Iteela fa fatshe.” A itaya gararo a khutla. Ke fa monna wa Modimo a mo galefela a re: “O ka bo o iteile gatlhano gongwe garataro, foo o ne o tla fenya Basiria go ya o ba nyeletsa. Mme jaanong o tla fenya Basiria gararo fela.” Jaanong Elisa a swa, mme ba mo fitlha. Mme makoko a dinokwane a Bamoabe a ne a tlhasela lefatshe ka tshimologo ya ngwaga. Mme ya re ba fitlha motho, ba bona lekoko le tlhaga. Ke fa ba latlhela moswi mo lebitleng la ga Elisa ba tshaba. Mme ya re moswi a ama marapo a ga Elisa, a tsoga, a ema ka dinao. Mme Hasaele kgosi ya Siria o ne a ntse a patika Baiseraele ka malatsi otlhe a ga Joahase. Fela Morena a ba tlhomogela pelo, a ba utlwela botlhoko, a ba ngoka ka ntlha ya kgolagano ya gagwe e o e dirileng le Aborahame le Isaka le Jakobe; a se ka a rata go ba senya, a se ka a ba latlha fa pele ga gagwe go fitlha foo. Jaanong ya re Hasaele kgosi ya Siria a sena go swa ga busa Benehatate morwawe mo boemong jwa gagwe. Ke fa Joase morwa Joahase a thopolola metse mo diatleng tsa ga Benehatate morwa Hasaele e yoo o neng a e thopile mo diatleng tsa go Joahase rraagwe mo ntweng. Joase a mo fenya gararo, a busa metse ya Iseraele jalo. Amasia morwa Joase kgosi ya Juta o ne a simolola go busa kwa Juta ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Joase morwa Joahase kgosi ya Iseraele. Ya re a nna kgosi, a bo a le dinyaga di le 25, a busa dinyaga di le 29 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Joatane wa Jerusalema. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena, le fa e se jaaka Dafita rraagwe mogolwagolwane; a dira fela jaaka go ne go dira Joase rraagwe. Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa; batho ba nna ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo kwa dithoteng tsa tlhabelo. Jaanong ya re bogosi bo sena go tlhomama mo diatleng tsa gagwe, a bolaya batlhanka ba gagwe ba ba neng ba bolaya kgosi rraagwe. Mme a se ka a bolaya bomorwa babolai bao jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa molao wa ga Moše, fa Morena a laelang teng a re: “A borra-bana ba se ka ba bolaelwa bana, le bana ba se ka ba bolaelwa borraabo, mme a mongwe le mongwe a bolaelwe boleo jwa gagwe.” O kile a bolaya Baetomo ba le 10 000 mo Lebaleng la Letswai, a thopa motse wa Sela mo ntweng, a ba a o taya leina la Jokotheele; le kajeno e sa le lone. Metlheng eo Amasia a roma barongwi kwa go Joase, morwa Joahase morwa Jehu kgosi ya Iseraele, a re: “Tlaa re thulane?” Mme Joase kgosi ya Iseraele a roma kwa go Amasia kgosi ya Juta a re: “Mosu wa kwa Lebanone wa roma kwa mosetereng o o kwa Lebanone wa re: ‘Neela morwaake morwadio go nna mosadi.’ Mme diphologolo tsa naga tse di kwa Lebanone tsa feta tsa gataka mosu oo. Ka nnete o fentse Baetomo, mme jaanong o a ikgogomosa. Ipoke o itulele kwa lapeng la gago. Ke ka ntlha ya eng fa o rata go itatlhela mo kotsing gore o we mmogo le Bajuta?” Mme Amasia a se ka a utlwa. Ke fa Joase kgosi ya Iseraele a bolola, mme ba thulana tlhabanong, ene le Amasia kgosi ya Juta kwa Betšhemeše nageng ya Juta. Mme Bajuta ba fenngwa ke Baiseraele ba tshaba, mongwe le mongwe a ya kwa ditenteng tsa gagwe. Joase kgosi ya Iseraele a ba a tshwara Amasia kgosi ya Juta morwa Joase morwa Ahasia kwa Betšhemeše, a mo isa kwa Jerusalema; a ba a diga lobota lwa Jerusalema mabogo a le 400 go tswa kgorong ya Eferaime go fitlha kgorong ya sekhutlo. A ba a tsaya gouta yotlhe le selefera le dilo tsotlhe tse di fitlhelwang mo Tempeleng ya Morena le mo mahumong a ntlo ya kgosi le batho ba peeletso, a ba a boela kwa Samaria. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joase le tse o neng a di dira le tsa bopelokgale jwa gagwe le ka fa a neng a tlhabana ka teng le Amasia kgosi ya Juta kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme Joase a robala le borraagwe, a ba a fitlhwa kwa Samaria fa dikgosing tsa Iseraele, mme Jerobeame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. E rile Joase morwa Joahase kgosi ya Iseraele a sena go swa, Amasia morwa Joase kgosi ya Juta a phela dinyaga di le 15. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Amasia kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme ba mo tsosetsa moferefere mo Jerusalema. Ke fa a tshabela kwa Lagiše, mme ba roma batho, ba mo latelela kwa Lagiše, ba mmolaela teng. Ba mo tlisa ka dipitse, mme a fitlhwa mo Jerusalema fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita. Ke fa batho botlhe ba Juta ba tsaya Asaria yo o neng a le dinyaga di le 16 fela, ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga Amasia rraagwe. Ke ene yo o neng a agelela motse wa Elathe, a o busetsa go Juta, kgosi Amasia e sena go robala le borraa-yona. Jerobeame morwa Joase kgosi ya Iseraele a simolola go busa kwa Samaria ka ngwaga wa 15 wa puso ya ga Amasia morwa Joase kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le 41. Mme a dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a se ka a tlogela sepe sa maleo otlhe a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele. Ke ene yo o neng a thopolola naga ya Iseraele go tloga ntlheng ya Hamathe go fitlha kwa Lewatleng la Lebala la Joretane ka fa lefokong la Morena, Modimo wa Iseraele, le o neng o le buile ka motlhanka wa ona, e bong moporofeti Jona morwa Amithai wa Gathe-Hefere. Gonne Morena o ne a bonye pogisego ya Baiseraele e galaka thata; ba feletswe ke thata botlhe, go se na mothusi wa Iseraele. Kana Morena o ne a ise a bue gore go phimolwe leina la Iseraele fa tlase ga legodimo, mme a ba namolela ka Jerobeame morwa Joase. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jerobeame le tsotlhe tse o neng a di dira le tsa bopelokgale jwa gagwe jaaka a tlhabana le jaaka a busetsa tse e neng e le tsa Juta kwa Damaseko le Hamathe go Iseraele kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme Jerobeame a robala le borraagwe, a fitlhwa kwa Samaria fa dikgosing tsa Iseraele, mme Sagaria morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Asaria morwa Amasia kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa 27 wa puso ya ga Jerobeame kgosi ya Iseraele. E rile a nna kgosi, a bo a le dinyaga di le 16, a busa dinyaga di le 52 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jegolea wa Jerusalema. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile Amasia rraagwe. Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa; batho ba nna ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo. Mme Morena a betsa kgosi, mme ya bolawa ke lepero go fitlha letsatsing la loso lwa yona, ya nna mo ntlong e e kwa thoko. Mme Jothame morwa kgosi o ne a e tshwarelela, a okamela ntlo ya bogosi a busa batho ba lefatshe. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Asaria le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme Asaria a robala le borraagwe, mme ba mo fitlha fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita, mme Jothame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Sagaria morwa Jerobeame o ne a simolola go busa Iseraele ka ngwaga wa 38 wa puso ya ga Asaria kgosi ya Juta; a busa dikgwedi di le thataro kwa Samaria. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena jaaka go dirile borraagwe; a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele. Mme Sadume morwa Jabese a mo tsosetsa moferefere, a mo itaya fa pele ga morafe, a mmolaya, a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Sagaria, kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Ke lone lefoko la Morena le o kileng a le bua le Jehu a re: “Bomorwao ba tla nna mo sedulong sa bogosi sa Iseraele go ya losikeng lwa bone.” Ga nna jalo. Sadume morwa Jabese o ne a simolola go busa ka ngwaga wa 39 wa puso ya ga Usia kgosi ya Juta, a busa sebakanyana sa kgwedi fela kwa Samaria. Ke fa Menaheme morwa Gadi a bolola kwa Thiresa, a fitlha kwa Samaria, a fenya Sadume morwa Jabese kwa Samaria, a mmolaya, a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Sadume le moferefere o a neng a o tsosa kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Ka metlha eo Menaheme a bolaya motse wa Thifesa le botlhe ba ba neng ba le mo go ona le dinaga tsa ona go tloga kwa Thiresa, ka ba se ka ba mmulela. A o bolaya, a ba a gagola ba baimana botlhe ba ona dimpa. Menaheme morwa Gadi o ne a simolola go busa Iseraele ka ngwaga wa 39 wa puso ya ga Asaria kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le some kwa Samaria. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena ka malatsi otlhe a gagwe, a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele. Ka malatsi a gagwe ga tlhaga Phule kgosi ya Asiria, a tlhasela lefatshe. Ke fa Menaheme a naya Phule ditalente di le sekete tsa selefera gore mabogo a gagwe a nne nae go tlhomamisa bogosi mo seatleng sa gagwe. Mme Menaheme a kgethisa Baiseraele madi ao, e bong bahumi botlhe gore monna a le mongwe a nee kgosi ya Asiria dišekele di le 50 tsa selefera. Ke fa kgosi ya Asiria e boa, ya se ka ya nna mo lefatsheng la Baiseraele. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Menaheme le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Mme Menaheme a robala le borraagwe, mme Phekaya morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Phekaya morwa Menaheme o ne a simolola go busa Iseraele ka ngwaga wa 50 wa puso ya ga Asaria kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le pedi kwa Samaria. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena; a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele. Mme Pheka morwa Remalea mothusi wa gagwe wa motlhabani a mo tsosetsa moferefere, a mo fenya kwa Samaria mo kagong ya phemelo ya ntlo ya kgosi mmogo le Arekobe le Arie – Pheka ene a na le banna ba le 50 ba Gileate – a mmolaya, a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Phekaya le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Pheka morwa Remalea o ne a simolola go busa Iseraele ka ngwaga wa 52 wa puso ya ga Asaria kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le 20 kwa Samaria. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena; a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele. Ka sebaka sa ga Pheka kgosi ya Iseraele ga tla Thigelathe-Philesere kgosi ya Asiria, a thopa Iyone le Abele-Bethe-Maaga le Janoa le Keteše le Hasore le Gileate le Galelea, e bong naga yotlhe ya Nafetale, a isa batho ba teng mo botshwarong kwa Asiria. Mme Hosea morwa Ela a tsosetsa Pheka morwa Remalea moferefere, a mo fenya a mmolaya, a nna kgosi mo boemong jwa gagwe ka ngwaga wa 20 wa puso ya ga Jothame morwa Usia. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Pheka le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele. Jothame morwa Usia kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Pheka morwa Remalea kgosi ya Iseraele. Ya re a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 25; a busa dinyaga di le 16 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jeruša morwadia Satoke. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena, a dira fela jaaka go dirile Usia rraagwe. Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa; batho ba nna ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo. Ke ene yo o neng a aga kgoro ya Ntlo ya Morena e e bidiwang: E e kwa godimo. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jothame le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Ka metlha eo Morena a simolola go laela Resine kgosi ya Siria le Pheka morwa Remalea kgosi ya Iseraele gore ba tlhasele Juta. Mme Jothame a robala le borraagwe, a ba a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Ahase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Ahase morwa Jothame kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa 17 wa puso ya ga Pheka morwa Remalea. Ya re a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 20, a busa dinyaga di le 16 kwa Jerusalema. A se ka a dira tse di siameng mo matlhong a Morena, Modimo wa gagwe, jaaka Dafita rraagwe mogolwagolwane. Mme a sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele; le gona a ralatsa morwawe molelo ka fa makgapheng a baheitane, ba Morena o kileng a ba leleka fa pele ga Baiseraele. A dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo le mo dithabaneng le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala. Ka metlha eo ga bolola Resine kgosi ya Siria le Pheka morwa Remalea kgosi ya Iseraele, ba ya kwa Jerusalema go tlhabana; ba dikanyetsa Ahase ka ntwa, mme ba palelwa ke go fenya. Ka sebaka seo Resine kgosi ya Siria a busetsa motse wa Elathe kwa Siria, a leleka Bajuta mo Elathe; ga tla Basiria kwa Elathe, ba nna teng go fitlha letsatsing la kajeno. Mme Ahase a roma barongwi kwa go Thigelathe-Philesere kgosi ya Asiria a re: “Ke motlhanka wa gago le morwao. Bolola, o nkgolole mo diatleng tsa kgosi ya Siria le mo diatleng tsa kgosi ya Iseraele tse di ntlhasetseng.” Ahase o bile a tsere selefera le gouta tse di neng di fitlhelwa mo Ntlong ya Morena le mo mahumong a ntlo ya kgosi a di romela kgosi ya Asiria e le mpho. Kgosi ya Asiria ya utlwana nae, ya bolola, ya ya kwa Damaseko, ya mo thopa, ya isa batho ba teng mo botshwarong kwa Kire, ya bolaya Resine. Jaanong kgosi Ahase a ya go kgatlhantsha Thigelathe-Philesere kgosi ya Asiria kwa Damaseko. Ya re a sena go bona aletare e e neng e le kwa Damaseko, kgosi Ahase a romela setshwantsho sa aletare le sekao sa yona fela jaaka e ne e dirilwe kwa go moperesiti Uria. Ke fa moperesiti Uria a aga aletare eo fela jaaka a laetswe ke kgosi Ahase go tswa kwa Damaseko. Moperesiti a e dira jalo, kgosi Ahase a ise a boe kwa Damaseko. Ya re kgosi e goroga, e tswa kwa Damaseko, ya bona aletare, ya atamela kwa go yona, ya palamela mo mapalamong a yona, ya tshuba setlhabelo sa phiso sa yona le tshupelo ya dijo ya yona, ya tshela tshupelo ya noo ya yona, ya kgatsha madi a ditlhabelo tsa tebogo tsa yona mo aletareng. Mme aletare ya kgotlho e e neng e le fa pele ga Morena yona a e tlosa fa pele ga Ntlo ya Morena gore e se ka ya nna fa gare ga aletare ya gagwe le Ntlo ya Morena, a e baya ntlheng ya bokone ya aletare ya gagwe. Mme kgosi Ahase a mo laela, ene moperesiti Uria, a re: “Mo aletareng e kgolo e o tshube setlhabelo sa phiso sa mo mosong le tshupelo ya dijo ya maitsiboa le setlhabelo sa phiso sa kgosi le tshupelo ya dijo ya yona le setlhabelo sa phiso sa morafe otlhe wa lefatshe le tshupelo ya dijo le ya noo ya ona. Madi otlhe a setlhabelo sa phiso le madi otlhe a setlhabelo se sengwe o a kgatshe mo go yona. Ke tla bona se nka se dirang ka aletare ya kgotlho.” Moperesiti Uria a dira fela jaaka kgosi Ahase e mo laetse. Le gona kgosi Ahase a kgaola dipati tsa ditlhakore tsa dikolotsana tsa tlhatswetso, a tlosa megopo mo go tsona; a ba a folosa lewatle mo dikgomong tsa kgotlho tse di neng di le rwele, a le baya mo mannong a a agilweng ka mafika. A ba a sutisa tsela ya Sabata e e ruletsweng ka leobo le ba neng ba le agile fa Ntlong ya Morena le botseno jwa kgosi jwa ka kwa ntle jwa go ya kwa Ntlong ya Morena ka ntlha ya kgosi ya Asiria. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Ahase le tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme Ahase a robala le borraagwe a ba a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita, mme Hesekia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Hosea morwa Ela o na a simolola go busa Iseraele kwa Samaria ka ngwaga wa 12 wa puso ya ga Ahase kgosi ya Juta; a busa dinyaga di le robongwe. O ne a dira tse di bosula mo matlhong a Morena, fela e seng jaaka dikgosi tsa Iseraele tse di neng di le teng pele ga gagwe. Mme Salemanesere kgosi ya Asiria ya mmololela, mme Hosea a nna motlhanka wa yona, a e ntshetsa lekgetho. Mme e rile kgosi ya Asiria e bona moferefere mo go Hosea, ka a ne a romile barongwi kwa go So, kgosi ya Egepeto, mme a sa tlhole a ntshetsa kgosi ya Asiria lekgetho jaaka a ne a dira ka ngwaga le ngwaga, kgosi ya Asiria ya mo tshwara ya mo tlhatlhela mo ntlong ya kgolegelo, ya mmofelela teng. Kgosi ya Asiria ya ba ya bolola ya ralala lefatshe lotlhe, ya bololela motse wa Samaria, ya o dikanyetsa ka ntwa dinyaga di le tharo. Ka ngwaga wa robongwe wa puso ya ga Hosea kgosi ya Asiria ya thopa Samaria, ya isa Baiseraele mo botshwarong kwa Asiria, ya ba baya kwa Hala le fa Habore noka ya Gosane le mo metseng ya Media. Ga dirafala jalo, gonne Baiseraele ba ne ba leofetse Morena, Modimo wa bone, o o neng o ba ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto mo taolong ya ga Farao kgosi ya Egepeto, mme ba boifa medimo e sele. Baiseraele ba sepela ka fa mekgweng ya ditšhaba tse Morena o neng a di lelekile fa pele ga bone le ka fa mekgweng ya dikgosi tsa Iseraele e di neng di na nayo. Baiseraele ba dira dilo sephiring tse di ronang Morena, Modimo wa bone; ba ikagela dithota tsa tlhabelo mo metseng yotlhe ya bone, le fa e le motsana wa lonaka lwa balebedi fela gongwe e le motse o o femetsweng. Ba itlhomela majwe a a motloutlo le medimako ya Ašera mo thabaneng nngwe le nngwe e e godimo le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala. Ba tshuba maswalo teng mo dithoteng tsotlhe tsa tlhabelo jaaka baheitane, ba Morena o neng a ba lelekile fa pele ga bone; ba dira dilo tse di bosula, e le go gakatsa Morena. Ba direla medimo e e maila e Morena o neng a ba laetse ka ga yona a re: “Lo se ka lwa dira selo se!” Mme Morena o ne a tlhagisa Baiseraele le Bajuta ka baporofeti botlhe le ka baboni botlhe a re: “Boang lo tlogele ditsela tsa lona tse di bosula, lo tshegetse ditaolo tsa me le melao ya me ka fa molaong otlhe o ke o laetseng borraeno o ke o rometseng kwa go lona ka baporofeti, batlhanka ba me.” Fela ba se ka ba utlwa, mme ba gagamatsa dithamo tsa bone jaaka dithamo tsa borraabo ba ba neng ba sa dumele mo Moreneng, Modimo wa bone. Ba nyatsa melao ya gagwe le kgolagano ya gagwe e o neng a e dirile le borraabo le ditshupo tsa gagwe tse o ba tlhagisitseng ka tsona; ba latela medimo e e seng ya sepe, ba be ba fetoga ba e seng ba sepe; ba latela baheitane ba ba mo tikologong ya bone ba Morena o neng a ba laetse ka ga bone gore ba se ka ba ba etsa. Mme ba tlogela ditaolo tsotlhe tsa Morena, Modimo wa bone, ba itirela dinamane tse pedi tse di bopilweng, ba dira setshwantsho sa Ašera, ba obamela lesomo lotlhe la legodimo, ba direla Baale. Bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ba ba ralatsa molelo, ba dira tsa boitseanape le tsa botlhodi, ba ineela go dira tse di bosula mo matlhong a Morena go mo gakatsa. Ka moo Morena a tukela Baiseraele bogale thata, a ba tlosa fa pele ga sefatlhego sa gagwe; ga se ka ga sala ope fa e se lotso lwa Juta lo le losi fela. Le Bajuta ba se ka ba tshegetsa ditaolo tsa Morena, Modimo wa bone, mme ba sepela ka fa mekgweng e Baiseraele ba e dirileng. Ka moo Morena a latlha losika lotlhe lwa Baiseraele, a ba kokobetsa, a ba neela mo diatleng tsa bathukhuthi ga tsamaya a ba leleka fa pele ga gagwe. Gonne Morena o ne a gagotse Baiseraele mo ntlong ya ga Dafita, mme ba dira Jerobeame morwa Nebate kgosi, mme a faposa Baiseraele mo Moreneng, a ba leofisa boleo jo bogolo. Baiseraele ba ne ba sepela mo maleong otlhe a ga Jerobeame a o neng a a dira, ba se ka ba a tlogela, ga tsamaya Morena a tlosa Baiseraele fa pele ga sefatlhego sa gagwe jaaka a ne a bôpa ka batlhanka botlhe ba gagwe e bong baporofeti. Baiseraele ba ne ba ntshiwa jalo mo nageng ya bone, ba isiwa botshwarong kwa Asiria, ba nna teng go fitlha letsatsing leno. Kgosi ya Asiria ya tlisa batho ba Babele le ba Khutha le ba Awa le ba Hamathe le ba Sefarwaime, ya ba baya mo metseng ya Samaria boemong jwa Baiseraele, mme ba rua Samaria, ba nna mo metseng ya teng. Mme e rile ba simolola go nna teng, ba bo ba sa itse Morena; ke fa Morena a romela ditau kwa go bone, tsa nna tsa bolaya bangwe ba bone. Kgosi ya Asiria ya bolelelwa ga twe: “Ba ditšhaba ba o ba hudusitseng, wa ba baya mo metseng ya Samaria, ga ba itse tse di tshwanetseng Modimo wa lefatshe lele; ka moo o rometse ditau kwa go bone. Bona, di a ba bolaya, ka ba sa itse tse di tshwanetseng Modimo wa lefatshe lele.” Ke fa kgosi ya Asiria e laela e re: “Isang mongwe wa baperesiti teng, ba lo ba tlositseng gona gore a ye a nne teng, a ba rute tse di tshwanetseng Modimo wa lefatshe lele.” Mongwe wa baperesiti ba ba neng ba tlositswe mo Samaria a tla jalo, a nna kwa Bethele, a nna a ba ruta ka fa ba tshwanetseng go boifa Morena ka teng. Mme setšhaba sengwe le sengwe sa itirela modimo wa sona, sa o baya mo ditempeleng tsa dithota tsa tlhabelo tse Basamaria ba neng ba di dirile, setšhaba sengwe le sengwe mo metseng ya sona e se neng se agile mo go yona: Banna ba Babele ba dira setshwantsho sa Sukothe-Benothe, banna ba Khutha ba dira sa Neregale, banna ba Hamathe ba dira sa Ašima, ba Awa ba dira sa Nibehase le sa Tharethake, ba Sefarwaime ba fisetsa Ateramelege le Anamelege medimo ya Sefarwaime bana ba bone ka molelo. Ba bile ba boifa Morena, ba ipeela baperesiti ba dithota tsa tlhabelo ba ba tswang mo go bone botlhe; bao ba ba direla mo ditempeleng tsa dithota tsa tlhabelo. Ba ne ba boifa Morena, ba bile ba direla medimo ya ga bone ka fa mokgweng wa ditšhaba tse ba neng ba hudusitswe mo go tsona. Go fitlha letsatsing leno ba dira ka fa mekgweng ya pele. Ga ba boife Morena ka botlalo; le gona ga ba dire ka fa melaong ya bone le ka fa mokgweng wa bone ka botlalo; le e seng ka fa molaong le ka fa ditaolong tse Morena o neng a di laela bomorwa Jakobe yo a neng a mo taya leina la Iseraele. Kana Morena o kile a dira kgolagano nabo, a ba laela a re: “Se boifeng medimo e sele le e seng go e obamela le e seng go e direla le e seng go e tlhabela. Mme lo boife Morena yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ka thata e kgolo le ka letsogo le le otlologileng, lo mo obamele lo mo tlhabele. Lo tshegetse melaetsa le ditshwanelo le molao le taolo tse o di lo kwaletseng go dira ka tsona ka metlha yotlhe, mme se boifeng medimo e sele. Le gona lo se ka lwa lebala kgolagano e ke e dirileng le lona, mme lo se boife medimo e sele. Mme lo boife Morena, Modimo wa lona; ene o tla lo golola mo diatleng tsa baba botlhe ba lona.” Fela ba se ka ba utlwa, mme ba nna ba dira ka fa mokgweng wa bone wa pele. Ditšhaba tseo tsa nna tsa boifa Morena, tsa ba tsa nna tsa direla medimo ya diseto ya ga bone. Le bana ba bone le bana ba bana ba bone ba dira le kajeno jaaka go dirile borraabo. Hesekia morwa Ahase kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Hosea morwa Ela, kgosi ya Iseraele. Ya re a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 25; a busa dinyaga di le 29 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Abi morwadia Sagaria. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile Dafita rraagwe mogolwagolwane. Ke ene yo o neng a tlosa dithota tsa tlhabelo, a thubaganya majwe a a motloutlo, a rema medimako ya Ašera, a pšhwetlakanya noga ya kgotlho e Moše o kileng a e dira; gonne go fitlha metlheng ele Baiseraele ba nna ba e tshubela maswalo, mme e ne e bidiwa Nehušethane. O ne a ikanya Morena, Modimo wa Iseraele, mme go se na ope mo dikgosing tsotlhe tsa Juta yo o tshwanang nae, le fa e le tse di mo latetseng gongwe tse di neng di le teng pele ga gagwe. O ne a ineela Moreneng, a sa fapoge mo go ene, a tshegetsa ditaolo tsa gagwe tse Morena o di laetseng Moše. Mme Morena o ne a na nae; mo go tsotlhe tse o neng a ya go di dira a nna tlhogonolo; a tswa mo kgosing ya Asiria, a se ka a e direla. A fenya Bafelesita go fitlha kwa Gasa le dinageng tsa teng; a simolola ka dinaka tsa balebedi, a khutla ka motse o o femetsweng. Ka ngwaga wa bone wa puso ya kgosi Hesekia o e leng ngwaga wa bosupa wa puso ya ga Hosea morwa Ela kgosi ya Iseraele Salemanesere kgosi ya Asiria ya bololela Samaria, ya mo dikanyetsa ka ntwa, ya mo thopa morago ga dinyaga di le tharo. E ne e le ka ngwaga wa borataro wa puso ya ga Hesekia o e leng ngwaga wa robongwe wa puso ya ga Hosea kgosi ya Iseraele fa Samaria a thopiwa. Jaanong kgosi ya Asiria ya isa Baiseraele botshwarong kwa Asiria, ya ba baya kwa Hala le fa Habore, noka ya Gosane, le kwa metseng ya Media. E ne e le ka gore ga ba a ka ba utlwa lentswe la Morena, Modimo wa bone, mme ba tlola kgolagano ya gagwe, e bong tsotlhe tse Moše motlhanka wa Morena o neng a di ba laetse. Ba se ka ba di utlwa le e seng go di dirisa. Ka ngwaga wa 14 wa puso ya kgosi Hesekia Saneheribe kgosi ya Asiria a bololela metse yotlhe e e femetsweng ya Juta, a ba a e thopa. Ke fa Hesekia kgosi ya Juta a romela lefoko kwa kgosing ya Asiria kwa Lagiše a re: “Ke leofile. Boa o ntlogele. Se o se nthwesang ke tla se rwala.” Mme kgosi ya Asiria ya lefisa Hesekia kgosi ya Juta ditalente di le 300 tsa selefera le ditalente di le 30 tsa gouta. Jaanong Hesekia a ntsha selefera yotlhe e e mo Ntlong ya Morena le mo mahumong a ntlo ya bogosi. Ka sebaka seo Hesekia a kgakgamolola gouta mo ditswalong tsa Tempele ya Morena le mo maotwaneng a tsona a Hesekia kgosi ya Juta o neng a a manegile, a e neela kgosi ya Asiria. Kgosi ya Asiria e kile ya roma molaodi yo mogolo wa mephato le mookamedi wa badiredi ba lapa la kgosi le mothoki yo mogolo kwa go kgosi Hesekia kwa Jerusalema, ba na le mephato e megolo ya batlhabani ba tswa kwa Lagiše; ba tlhaga ba fitlha kwa Jerusalema; ya re ba tlhaga ba fitlha, ba ema fa moseleng wa letsha le le kwa godimo fa tseleng ya tshimo ya motlhatswi wa masela, ba bitsa kgosi. Ke fa Eliakime morwa Hilekia yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi le Sebena mokwaledi le Joa morwa Asafe letsogo la kgosi ba tswela kwa go bone. Mme mothoki yo mogolo a ba raya a re: “A ko lo botse Hesekia lo re: ‘Kgosi e kgolo kgosi ya Asiria e bua jaana e a re: Ke eng se o se ikanyang se se ikanyegang? A wena o a re: Go bua mafoko fela ke one maano le thata ya ntwa? Jaanong he, o ikanya mang, fa o ntsogetse? Bona he, o ikanya seikokotlelo seo sa lotlhaka lo lo pšhwetlegileng sa Egepeto, lo e ka reng fa motho a ikaega ka lone, lwa mo tsena mo seatleng lwa se phunya: Farao, kgosi ya Egepeto e direla botlhe jalo ba ba e ikanyang. “ ‘Mme fa lo ka nthaya lo a re: “Re ikanya Morena, Modimo wa rona” – a ga se ona o Hesekia o tlositseng dithota tsa tlhabelo tsa ona le dialetare tsa ona, a raya Juta le Jerusalema a re: “Obamelang fela fa pele ga aletare e mono Jerusalema”? Mme jaanong a ko o dire peelano le morena wa me kgosi ya Asiria: Ke tla go naya dipitse di le dikete tse pedi fa o ka kgona go ntsha bapalami ba tsona. Mme o ka leleka jang batlhasedi ba molaodi a le mongwe fela wa batlhanka ba babotlana ba morena wa me? Kampo a o ikanya Egepeto ka ntlha ya dikoloi tsa ntwa le ka ntlha ya bapalami ba dipitse? Jaanong a o a re, ke bololetse go senya golo mono ke sa laelwa ke Morena? Nnyaya! Morena o ntheile a re: Bololela lefatshe leo, o le senye!’ ” Ke fa Eliakime morwa Hilekia le Sebena le Joa ba raya mothoki yo mogolo ba re: “A ko o bue le batlhanka ba gago ka Sesiria, gonne re a se utlwa. Se bue le rona ka Sejuta mo ditsebeng tsa batho ba ba mo loboteng.” Mme mothoki yo mogolo a ba fetola a re: “A morena wa me o nthomile kwa moreneng wa gago le kwano go wena go bua mafoko a? A ga a nthoma kwa banneng ba ba ntseng mo loboteng gore ba je mantle a bone, ba nwe moroto wa bone mmogo le lona?” Mothoki yo mogolo a ba a ema fa gaufi, a kua ka kodu e e kwa godimo ka Sejuta, a bua a re: “Utlwang lefoko la kgosi e kgolo la kgosi ya Asiria! Kgosi e buile jaana ya re: ‘A Hesekia a se ka a lo tsietsa! Gonne ga a kgone go lo pholosa mo seatleng sa yona. Le gona a Hesekia a se ka a lo ikanyisa Morena ka go re: Ruri, Morena o tla re pholosa. Motse o ga o nke o neelwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.’ Lo se ka lwa utlwa Hesekia! Gonne kgosi ya Asiria e bua jaana e a re: ‘Agisanyang le nna, lo tswele kwano go nna. Foo mongwe le mongwe wa lona o tla ja moweine wa gagwe le mofeie wa gagwe le go nwa metsi a sediba sa gagwe go fitlhelela ke tle ke lo tseele kwa lefatsheng le le tshwanang le lefatshe la lona; kwa lefatsheng la mabele le matute a moweine, kwa lefatsheng la bogobe le masimo a moweine, kwa lefatsheng la lookwane lwa ditlhare tsa olefa le mafura a dinotshe. Foo lo tla phela, mme lo sa swe. Lo se ka lwa utlwa Hesekia; gonne o lo aketsa ka go re: Morena o tla re pholosa. A tota mongwe wa medimo ya ditšhaba o kile wa pholosa lefatshe la ona mo seatleng sa kgosi ya Asiria? E kae medimo ya Hamathe le ya Arephate? E kae medimo ya Sefarwaime le ya Hena le ya Iwa? A e ne ya pholosa Samaria mo seatleng sa me? Ke efe medimo mo medimong yotlhe ya mafatshe e e kileng ya pholosa mafatshe a yona mo seatleng sa me, fa lo re: Morena o tla pholosa Jerusalema mo seatleng sa me’?” Mme banna ba didimala fela, ba se ka ba mo fetola ka lefoko lepe. Gonne taelo ya kgosi e ne e re: “Lo se ka lwa mo araba!” Ke fa Eliakime morwa Hilekia yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi le Sebena mokwaledi le Joa morwa Asafe letsogo la kgosi ba tla kwa go Hesekia ba ikgagotse diaparo, ba mo itsise mafoko a mothoki yo mogolo. E rile kgosi Hesekia a utlwa, a ikgagola diaparo, a apara diaparo tsa khutsafalo, a ya kwa Ntlong ya Morena. A ba a roma Eliakime yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi le Sebena mokwaledi le bagolo ba baperesiti ba apere diaparo tsa khutsafalo kwa go moporofeti Jesaya morwa Amotse. Mme ba mo raya ba re: “Hesekia o bua jaana a re: ‘Letsatsi le ke letsatsi la tlalelo le kotlo le kgalo; gonne bana ba gaufi le go tsalwa, mme ga go na thata ya go ka belega. Go gongwe Morena, Modimo wa gago, o tla utlwa mafoko otlhe a mothoki yo mogolo yo o romilweng ke morena wa gagwe, kgosi ya Asiria, gore a tle go kgala Modimo o o phelang; a mmeletsa mafoko a Morena, Modimo wa gago, o a utlwileng. Jaanong a ko o rapelele masalela a a sa ntseng a le teng.’ ” Jaanong ya re batlhanka ba kgosi Hesekia ba fitlha kwa go Jesaya. Jesaya a ba raya a re: “Rayang morena wa lona lo re: ‘Morena o bua jaana a re: Se boife mafoko a o a utlwileng a basimane ba kgosi ya Asiria ba ntlhapaditseng ka ona. Bone, ke tla tsenya mowa mo go yona gore e utlwe modumo, e boele kwa lefatsheng la yona. Ke tla ba ke e diga ka tšhaka mo lefatsheng la yona.’ ” Ya re mothoki yo mogolo a boa, a fitlhela kgosi ya Asiria e tlhasela Lebena; gonne o ne a utlwile gore e tlogile kwa Lagiše. Ya re Saneheribe a utlwa go twe: “Bona, Thirehaka kgosi ya Ethiopia e bolotse go tlhabana nao!” a boa a roma barongwi gape kwa go Hesekia a re: “Rayang Hesekia kgosi ya Juta lo re: ‘A Modimo wa gago o se ka wa go tsietsa o ò o ikanyang o re: Jerusalema ga a nke a neelwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria. Bona, o utlwile ka wesi se dikgosi tsa Asiria di se diretseng mafatshe aotlhe, tsa a senya gotlhe. A o a re, wena o ka phologa? A medimo ya ditšhaba tse borre ba di nyeleditseng e ne ya di pholosa, e bong Gosane le Harane le Resefe le batho ba Etene ba ba neng ba le kwa Thelasare? E kae kgosi ya Hamathe le kgosi ya Arephate le kgosi ya motse wa Sefarwaime le ya Hena le ya Iwa?’ ” Ya re Hesekia a sena go amogela lokwalo mo diatleng tsa barongwi le go lo buisa, a ya kwa Ntlong ya Morena, a lo phutholola fa pele ga Morena. Hesekia a ba a rapela fa pele ga Morena a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, yo o ntseng godimo ga boKerubime. Ke wena Modimo o le wesi fela wa magosi aotlhe a lefatshe. Wena o dirile legodimo le lefatshe. Morena, sekega tsebe, o utlwe! Morena, budulola matlho, o bone! Utlwa mafoko a ga Saneheribe a o a rometseng go kgala Modimo o o phelang. Ke nnete, Morena, dikgosi tsa Asiria di sentse ditšhaba le mafatshe a tsona, tsa latlhela medimo ya tsona mo molelong, tsa e nyeletsa; gonne e ne e se medimo, e ne e le tiro ya diatla tsa batho, e le dikgong le majwe fela. Jaanong, Morena, Modimo wa rona, a ko o re golole mo seatleng sa gagwe gore magosi otlhe a lefatshe a tle a itse, fa wena Morena o le Modimo o le wesi.” Ke fa Jesaya morwa Amotse a romela lefoko kwa go Hesekia a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana o a re: ‘Se o se nthapetseng ka ntlha ya ga Saneheribe kgosi ya Asiria ke se utlwile. Lefoko le Morena o le buang ka ga gagwe ke le le reng: Lekgarebe, morwadia Sione o a go nyatsa, o a go sotla; morwadia Jerusalema o thukhutha tlhogo fa morago ga gago. O kgadile mang? O kgobile mang? O tlhatloseditse mang lentswe? O tsholeleditse mang matlho kwa godimo? Ke Moitshepi wa Iseraele! O kgadile Morena ka batlhanka ba gago wa re: Ke palame ditlhoa tsa dithaba ka bontsi jwa dikoloi tsa me tsa ntwa le mafelelelo a Lebanone; ka rema mesetere e megolo le mesiperese e mentle ya teng, ka fitlha kwa borobalelong jwa bofelo jwa teng kwa sekgweng sa tshimo ya ditlhare sa teng. Ke epile, ka nwa metsi a mafatshe a sele; ka kgadisa dinoka tsotlhe tsa Egepeto ka kgato ya dinao tsa me. “ ‘A ga o a ka wa utlwa? Tse ke di dirafaditseng jaanong ga ke bolo go di akanya le go di ikaelela bogologolo, gore wena o senye metse e e femetsweng e fetoge mekoa ya marope. Mme baagi ba yona ba ne ba repa mabogo, ba tshoga, ba tlhajwa ke ditlhong, ba nna jaaka morogo wa naga le jaaka botalana jo bošwa le jaaka bojang jo bo mo dithulelong le jaaka mabele a a swang ka mongadule a ise a ntshe ditlhaka. “ ‘Ke itse go nna ga gago le go tswa ga gago le go tsena ga gago le ka fa o ntsogelang ka loratla ka teng. Jaanong e re ka o ntsogela ka loratla, e re ka boikgantsho jwa gago bo utlwetse mo ditsebeng tsa me, ke tla tsenya mogolasetso wa me mo dinkong tsa gago le mogala wa me mo molomong wa gago, ke go busetsa kwa morago ka tsela e o tsileng ka yona.’ “Mme se e tla nnang sesupo mo go wena, Hesekia, ke se: Monongwaga go tla jewa se se ijwetseng; isago matshwabudu, mme ka ngwaga wa boraro lo jwale, lo robe, lo leme masimo a moweine, lo je maungo a ona. Mme masalela a Bajuta a a falotseng a tla namela medi kwa tlase, a ungwa maungo kwa godimo. Gonne masalela a tla tswa mo Jerusalema le ba ba falotseng mo thabeng ya Sione. Tlhoafalo ya Morena wa masomosomo e tla dira jalo. “Ke ka moo Morena a buang jaana ka ga kgosi ya Asiria a re: ‘Ga e ka ke ya tsena mo motseng o le e seng go hulela motsu mo teng; ga e ka ke ya o atamela ka thebe le e seng go dira mapalamo ka mmu fa go ona. E tla boa ka tsela e e tsileng ka yona. Ga e kitla e tsena mo motseng o, go bua Morena. Gonne ke tla sireletsa motse o, ke o pholosa ka ntlha ya me le ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me.’ ” Ya re bosigo joo moengele wa Morena a bolola, a itaya banna ba le dikete di le 185 mo bothibelelong jwa Baasiria. Ya re ba phakela ka moso, ba fitlhela botlhe bao e le ditoto fela. Foo Saneheribe kgosi ya Asiria ya bothologa, ya tsamaya, ya boela kwa gae, ya nna mo Ninife. Jaanong ya re a obamela mo tempeleng ya ga Niseroge modimo wa gagwe, a bolawa ke Ateramelege le Saresere bomorwawe ka tšhaka. Ba tloga ba tshabela kwa lefatsheng la Ararate, mme Esarehatone morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Mo metlheng eo Hesekia o ne a lwala lwa go swa. Ke fa moporofeti Jesaya morwa Amotse a tla kwa go ene, a mo raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Laela ba lapa la gago! Gonne o tla swa, ga o kitla o phela.’ ” Ke fa Hesekia a gadimela kwa loboteng, a rapela Morena a re: “Ao, Morena, a ko o gakologelwa ka fa ke sepetseng ka teng fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo yotlhe, ka dira tse di molemo mo matlhong a gago.” Hesekia a ba a lela thata. Mme ya re Jesaya a ise a tswe lapeng le le fa gare, lefoko la Morena la fitlha kwa go ene la re: “Boa o ree Hesekia, moeteledipele wa morafe wa me, o re: ‘Morena, Modimo wa ga Dafita rraago, o bua jaana o a re: Ke utlwile thapelo ya gago, ka bona dikeledi tsa gago. Bona, ke tla go fodisa. O tla tlhatlogela kwa Ntlong ya Morena ka letsatsi la boraro. Ke tla okeletsa malatsi a gago dinyaga di le 15. Le gona ke tla go pholosa mmogo le motse o mo seatleng sa kgosi ya Asiria, ke femela motse o ka ntlha ya me le ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me.’ ” Jesaya a ba a re: “Tlisang molemo o o tutetsang wa difeie.” Ya re ba o tlisa le go o baya mo tlhagaleng, a fola. Mme Hesekia a botsa Jesaya a re: “Sesupo sa gore Morena o tla mphodisa le sa gore ke tla tlhatlogela kwa Ntlong ya Morena ka letsatsi la boraro, ke eng?” Jesaya a re: “Sesupo sa gago se se tswang mo Moreneng sa gore Morena o tla dirafatsa se a se buileng, ke se: Itlhophele: A moriti o fetele pele dikgato di le some gongwe o boele kwa morago dikgato di le some?” Hesekia a re: “Go botlhofo mo moriting go fetela pele dikgato di le some; nnyaya, a moriti o boele kwa morago dikgato di le some.” Ke fa moporofeti Jesaya a rapela Morena, mme Morena a busetsa moriti kwa morago dikgato di le some tse o setseng o di fetile mo go sesupa-nako sa ga Ahase. Ya re ka sebaka seo Berotage-Balatane morwa Balatane kgosi ya Babele a romela dikwalo le dineo kwa go Hesekia; gonne o ne a utlwile fa Hesekia a ne a lwala. Hesekia a itumelela barongwi, a ba bontsha ntlo yotlhe ya mahumo, e bong selefera le gouta le makga le lookwane lo lo molemo le ntlo ya marumo a gagwe le dilo tsotlhe tse di leng teng mo mahumong a gagwe; go se na sepe se Hesekia a se kang a se ba bontsha mo ntlong ya gagwe le mo pusong yotlhe ya gagwe. Ke fa moporofeti Jesaya a tla kwa go kgosi Hesekia a mmotsa a re: “Ba tlile kwa go nna ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala la Babele.” A ba a botsa a re: “Ba bonyeng mo ntlong ya gago?” Hesekia a araba a re: “Ba bonye tsotlhe tse di mo ntlong ya me. Ga go na sepe mo mahumong a me se ke sa se ba bontshang.” Ke fa Jesaya a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko la Morena! Bona, malatsi a tla tla mogang tsotlhe tse di mo ntlong ya gago le tse borraago ba di phuthileng go fitlha kajeno di isiwang kwa Babele go sa tlogelwe sepe, go bua Morena. Mme ba tla tsaya bangwe ba bana ba gago, ba ba tla tswang mo go wena, ba o tla ba tsalang, mme e tla nna batlhanka mo ntlong ya borena ya kgosi ya Babele.” Ke fa Hesekia a raya Jesaya a re: “Lefoko la Morena le o le buileng le molemo.” A ba a re: “Kana ga se sepe, fa go le kagiso le boikanyego mo malatsing a me.” Ditirafalo tse dingwe tsa ga Hesekia le ditiro tsotlhe tsa gagwe tsa bopelokgale le jaaka a ne a dira letamo le mosele, a tlisa metsi mo motseng, kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme Hesekia a robala le borraagwe, mme Manase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. E rile Manase a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 15; a busa dinyaga di le 55 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Hefesiba. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena tse di tshwanang le makgapha a baheitane ba Morena o neng a ba lelekile fa pele ga Baiseraele. A tsosa dithota tsa tlhabelo tse Hesekia rraagwe o neng a di sentse; a agela Baale dialetare, a dira Ašera jaaka go dirile Ahabe kgosi ya Iseraele; a ba a obamela lesomo lotlhe la legodimo a le direla. Le gona a aga dialetare tse di ntseng jalo mo Ntlong ya Morena e Morena o neng a buile ka ga yona a re: “Ke tla baya leina la me mo Jerusalema.” O bile a agela lesomo lotlhe la legodimo dialetare mo malapeng a mabedi a Ntlo ya Morena. A ralatsa morwawe molelo, a dira tsa mereo ya boloi le tsa botlhodi, a tlhoma ba ba buang le baswi le baitseanape a dira tse dintsi tse di bosula mo matlhong a Morena, a mo gakatsa. Le gona a baya setshwantsho sa ga Ašera se o neng a se dirile mo Ntlong e Morena o neng a buile ka ga yona le Dafita le Salomo morwawe a re: “Mo Ntlong e le mo Jerusalema yo ke mo tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ke fa ke tla bayang leina la me teng ka bosakhutleng. Le gona ga nkitla ke tlhola ke kgarakgatsha dinao tsa Baiseraele gore ba tswe mo lefatsheng le ke le neileng borraabo. Ke raya fela fa ba tlhokomela go dira tsotlhe tse ke di ba laetseng, e bong ka fa molaong otlhe o Moše motlhanka wa me o neng a o ba laela.” Mme ba se ka ba utlwa, mme Manase a ba timetsa gore ba dire bosula bogolo go baheitane, ba Morena o neng a ba nyeleditse fa pele ga Baiseraele. Ke fa Morena a bua ka baporofeti batlhanka ba gagwe a re: “E re ka Manase kgosi ya Juta e dirile makgapha ao, ya dira bosula jo bo fetang tsotlhe tse di kileng tsa dirwa ke Baamori ba ba neng ba le teng pele ga yona ya leofisa le Bajuta ka medimo e e maila ya yona: Ke ka moo Morena, Modimo wa Iseraele, o buang jaana o a re: ‘Bonang, ke tla tlisetsa Jerusalema le Juta tatlhego e mongwe le mongwe yo o e utlwelang, ditsebe tse pedi tsa gagwe di tla sumang ka yona. Ke tla gagamatsa mogala o o lekanyang wa Samaria mo godimo ga Jerusalema le serophiso sa lelapa la ga Ahabe, ke phimola Jerusalema jaaka go phimolwa mogopo, ke mo phimola le go mo ribegetsa. Ke tla latlha masalela a boswa jwa me, ke a neela mo diatleng tsa baba ba ona gore e nne thopo le thukhutho tsa baba botlhe ba ona, ka ba dirile tse di bosula mo matlhong a me, ba nna ba nkgalefisa go tloga ka letsatsi le borraabo ba neng ba huduga kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing leno.’ ” Le gona Manase o ne a tsholola madi a mantsintsi a a se nang molato, a ba a a tlatsa Jerusalema mo ntlheng tsotlhe kwa ntle ga boleo jwa gagwe jo o neng a leofisa Bajuta ka jona gore ba dire tse di bosula mo matlhong a Morena. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Manase le tsotlhe tse o neng a di dira le boleo jwa gagwe jo o neng a bo dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme Manase a robala le borraagwe, a fitlhwa mo segotlong sa gagwe, mo segotlong sa ga Usa, mme Amone morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Amone o ne a le dinyaga di le 22 fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le pedi kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Mesulemethe morwadia Haruse wa Joteba. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena jaaka go dirile Manase rraagwe. A sepela gotlhe mo tseleng e rraagwe o neng a sepela mo go yona; a direla medimo e e maila e rraagwe o neng a e direla, a e obamela. A tlogela Morena, Modimo wa borraagwe; a se ka a sepela mo tseleng ya Morena. Mme batlhanka ba ga Amone ba mo tsosetsa leferetlho, ba mmolaela mo ntlong ya gagwe. Mme batho ba kwa nageng ba bolaya botlhe ba ba neng ba tsoseditse kgosi Amone leferetlho; ba dira Josia morwawe kgosi mo boemong jwa gagwe. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Amone le tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. O ne a fitlhwa mo lebitleng la gagwe mo segotlong sa ga Usa, mme Josia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Josia o ne a le dinyaga di le robedi, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 31 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jedita morwadia Ataya wa Bosekathe. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena, a sepela gotlhe mo tseleng ya ga Dafita rraagwe mogolwagolwane; a se ka a fapogela ntlheng ya le le jang le e seng ya la molema. E rile ka ngwaga wa 18 wa puso ya kgosi Josia, kgosi ya roma mokwaledi Safane morwa Asalea morwa Mesulame kwa Ntlong ya Morena ya re: “Tlhatlogela kwa go Hilekia moperesiti yo mogolo gore a bale madi a a tlisitsweng kwa Ntlong ya Morena, a badisa ba mojako ba a phuthileng mo bathong gore ba a neele mo diatleng tsa baokamedi ba tiro kwa Ntlong ya Morena, mme bao ba duele badiri ba tiro ba ba kwa Ntlong ya Morena go e baakanya fa e senyegileng teng; e bong babopedi le babetli le baruledi; le gona e le go reka dikgong le mafika a a betlilweng tsa go baakanya Ntlo ya Morena.” Fela madi a ba a neetsweng diatleng a se ka a balwa nabo; gonne ba dira ka go ba ikanya. Ke fa Hilekia moperesiti yo mogolo a raya mokwaledi Safane a re: “Ke bonye lokwalo lwa molao mo Ntlong ya Morena.” Hilekia a ba a neela Safane lokwalo loo, mme ene a lo buisa. Ya re mokwaledi Safane a sena go boela kwa kgosing, a e busetsa lefoko a re: “Batlhanka ba gago ba tsholotse madi a a kwa Ntlong ya Morena, ba a neela diatleng tsa baokamedi ba tiro kwa Ntlong ya Morena.” Safane mokwaledi a ba a bolelela kgosi a re: “Moperesiti Hilekia o nneetse lokwalo.” Safane a ba a lo buisa fa pele ga kgosi. Mme ya re kgosi e utlwa mafoko a lokwalo lwa molao ya ikgagola diaparo. Kgosi ya ba ya laela moperesiti Hilekia le Ahikame morwa Safane le Agebore morwa Migaya le Safane mokwaledi le Asaya motlhanka wa kgosi ya re: “Yaang lo mpoletse Morena le morafe le Bajuta botlhe ka ntlha ya mafoko a lokwalo lo lo bonyweng loo; gonne bogale jwa Morena bo bogolo jo bo re tuketseng, ka borraetsho ba se ka ba utlwa mafoko a lokwalo loo le e seng go dira tsotlhe tse re di kwaletsweng.” Moperesiti Hilekia le Ahikame le Agebore le Safane le Asaya ba ya kwa go Huleta moporofeti wa sesadi, mosadi wa ga Sadume morwa Thikwa morwa Harehase mmoloki wa diaparo: – Huleta o ne a agile kwa Motseng-o-mošwa mo Jerusalema – ba bua nae. Huleta a ba raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana o a re: ‘Rayang monna yole yo o lo romileng kwano go nna lo re: Morena o bua jaana a re: Bona, ke tla tlisa tatlhego mo felong fano le mo baaging ba teng ka fa mafokong otlhe a lokwalo lo kgosi ya Juta e lo buisitseng. Ke ka gonne ba ntlogetse ba fisetsa medimo e sele maswalo, e le gore ba nkgalefise ka tiro yotlhe ya diatla tsa bone; ka moo bogale jwa me bo tla tukela felo fano, mme bo sa time. Mme kgosi ya Juta e e lo romileng go botsa Morena lo e ree jaana lo re: Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana o a re: Fa e le mafoko a o a utlwileng: E re ka pelo ya gago e le boleta, mme o ikokobeditse fa pele ga Morena, jale fa o utlwa tse ke di omanetseng ka ga felo fano le baagi ba gona ka re: Ba tla fetoga theregiso le khutso; ka o ikgagotse diaparo, o ledile fa pele ga me, le nna ke go utlwile! Morena a re jalo. Ka moo, bona, ke tla go phuthela kwa go borraago, o bolokwa mo lebitleng la gago ka kagiso gore matlho a gago a se ka a bona tatlhego yotlhe e ke tla e tlisetsang felo fano.’ ” Ba busetsa kgosi karabo. Jaanong kgosi ya roma gore ba phuthele bagolo botlhe ba Juta le Jerusalema kwa go yona. Kgosi ya ba ya tlhatlogela kwa Ntlong ya Morena e na le banna botlhe ba Juta le baagi botlhe ba Jerusalema le baperesiti le baporofeti le morafe otlhe, ba babotlana le ba bagolo; mme mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano lo lo bonyweng mo Ntlong ya Morena ya a buisa mo ditsebeng tsa bone. Jaanong kgosi ya ema mo sefateng, ya ipofa ka kgolagano fa pele ga Morena go mo ineela le go tshegetsa melao ya gagwe le ditshupo tsa gagwe le ditaolo tsa gagwe ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, e le go dirafatsa mafoko a kgolagano eo a a kwadilweng mo lokwalong loo. Le morafe otlhe wa ipofa jalo ka kgolagano. Kgosi ya ba laela Hilekia moperesiti yo mogolo le baperesiti ba ba tlhomaganang nae le badisa ba mojako gore ba ntshe dilo tsotlhe mo Tempeleng ya Morena tse di neng di diretswe Baale le Ašera le lesomo lotlhe la legodimo; tsa ba tsa fisediwa ka kwa ntle ga Jerusalema mo masimong a Kiterone; molora wa tsona wa isiwa kwa Bethele. Ya ba ya tlosa baperesiti ba medimo ba ba neng ba tlhomilwe ke dikgosi tsa Juta gore ba fise maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo mo metseng ya Juta le mo tikologong ya Jerusalema; ya tlosa le ba ba neng ba fisetsa Baale maswalo le letsatsi le ngwedi le dinaledi tse go itsiweng dipaka tsa ngwaga ka tsona le lesomo lotlhe la legodimo. Mme setshwantsho sa Ašera se se mo Ntlong ya Morena ya se ntshetsa kwa ntle ga Jerusalema kwa molapong wa Kiterone, ya se fisetsa teng, ya se sila, ya se notetsa, ya latlhela lerole la sona mo diphupung tsa morafe. E bile ya diga matlo a banna ba ba direlang medimo ka boaka a a neng a le fa Ntlong ya Morena kwa basadi ba neng ba logela Ašera ditente teng. Ya ntsha baperesiti botlhe mo metseng ya Juta, ya ba tlisa mo Jerusalema, ya itshekolola dithota tsa tlhabelo kwa baperesiti ba neng ba fisa maswalo teng go simolola kwa Geba go ya go fitlha kwa Bereseba; ya diga dithota tsa tlhabelo tsa dikgoro tse di neng di le fa kgorong ya ga Jošua, molaodi wa motse, le tse di neng di le mo ntlheng ya la molema la motho, fa a tsena ka kgoro ya motse. Fela baperesiti ba dithota tsa tlhabelo ba ne ba sa tshwanela go palamela mo aletareng ya Morena mo Jerusalema, mme ba ja dinkgwe tse di sa bedisiwang le bomorwaa-rraabo. Ya ba ya itshekolola Thofethe fa go neng go le mo mogorogorong wa Morwa-Hinome gore go se nne ope yo o direlang Mologe ka go ralatsa morwawe gongwe morwadie molelo. Ya ba ya tlosa dipitse tse di neng di beetswe kobamelo ya letsatsi ke dikgosi tsa Juta fa gare ga mojako wa Ntlo ya Morena le ntlwana ya ga Nathane-Melege modiredi wa lapa la kgosi e e neng e le kwa mathuding; ya fisa dikoloi tsa letsatsi ka molelo. Kgosi ya ba ya diga dialetare tse di neng di le mo godimo ga ntlwana e e kwa godimo ya ga Ahase tse di dirilweng ke dikgosi tsa Juta le tse di dirilweng ke Manase mo malapeng a mabedi a Ntlo ya Morena, ya di thubaganya teng, ya latlhela lerole la tsona mo molapong wa Kiterone. Le gona kgosi ya itshekolola dithota tsa tlhabelo tse di neng di le ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerusalema, di le mo ntlheng ya borwa ya Thaba ya Tshenyego tse Salomo kgosi ya Iseraele o neng a di agetse Ašethorethe, modimo o o ilegang wa Basitone le Kamose o o ilegang wa Bamoabe le Milekome o o makgapha wa Baamone. Ya ba ya thubaganya majwe a a motloutlo, ya rema medimako ya Ašera, ya tlatsa felo ga tsona marapo a batho. Aletare e e neng e le kwa Bethele ya thota ya tlhabelo e e dirilweng ke Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele le aletare eo le thota eo Josia a di diga, a thubaganya majwe a tsona, a a sila ya nna lerole, a ba a fisa modimako wa Ašera. Jaanong ya re Josia a gadima, a bona diphupu tse di mo thabeng, a roma go ntsha marapo mo go tsona, a a fisa mo aletareng, a e itshekolola jalo ka fa lefokong la Morena le monna wa Modimo yole o kileng a le kua, a bolela dilo tseo. Ke fa a botsa a re: “Letlapa la phupu le ke le bonang le ke la eng?” Banna ba motse ba mo araba ba re: “Ke yona phupu ya monna wa Modimo yo o neng a tla a tswa kwa Juta a kua mafoko ao a wena o a dirafaditseng jaanong mo aletareng ya Bethele.” Jaanong a re: “Mo leseng! A marapo a gagwe a se ka a tshwenngwa ke ope.” Mme ba ikhutsisa marapo a gagwe jalo mmogo le marapo a moporofeti yo o neng a tswa kwa Samaria. Le gona Josia a tlosa ditempele tsotlhe tsa dithota tsa tlhabelo tse di neng di le mo metseng ya Samaria, di dirilwe ke dikgosi tsa Iseraele go galefisa Morena, a di senya fela jaaka a dirile kwa Bethele. Mme baperesiti botlhe ba dithota tsa tlhabelo ba ba neng ba le teng, a ba dira ditlhabelo mo dialetareng, a fisa marapo a batho bao mo go tsona. Jaanong a boela kwa Jerusalema. Kgosi ya ba ya laela morafe otlhe ya re: “Direlang Morena, Modimo wa lona, moletlo wa Tlolaganyo jaaka go kwadilwe mo lokwalong lo lwa kgolagano.” Gonne ga bo go ise go dirwe Tlolaganyo e e ntseng jalo go tloga malatsing a baatlhodi ba ba neng ba busa Baiseraele le e seng ka malatsi otlhe a dikgosi tsa Iseraele le tsa Juta. Mme Tlolaganyo eo ya direlwa Morena kwa Jerusalema ka ngwaga wa 18 wa puso ya kgosi Josia. Le gona Josia a fedisa ba ba buang le baswi le baitseanape le ditshwantsho tsa medimo ya matlo le medimo e e maila le makgapha otlhe a a neng a bonwa mo lefatsheng la Juta le mo Jerusalema, e le go dirafatsa mafoko a molao a a kwadilweng mo lokwalong lo moperesiti Hilekia a neng a lo bona mo Ntlong ya Morena. Go ne go ise go ke go nne kgosi epe pele ga gagwe e e tshwanang nae, e e neng ya sokologela Moreneng ka pelo ya yona yotlhe le ka mowa wa yona otlhe le ka thata ya yona yotlhe ka fa molaong otlhe wa ga Moše; le sehularong sa gagwe ga se ka ga tsoga epe e e tshwanang nae. Fela Morena a se ka a boa bogaleng jo bogolo jwa gagwe jo bo tukang, ka bogale jwa gagwe bo ne bo tukela Bajuta ka ntlha ya dithumolo tsotlhe tse Manase o neng a mo rumotse ka tsona. Mme Morena a re: “Le Juta ke tla mo tlosa fa pele ga sefatlhego sa me jaaka ke tlositse Iseraele; le gona ke tla latlha motse o wa Jerusalema o ke o tlhophileng le Ntlo e ke buileng ka ga yona ka re: ‘Leina la me le tla nna gona.’ ” Ditirafalo tse dingwe tsa ga Josia le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mo metlheng ya gagwe Farao Nego kgosi ya Egepeto ya bololela kgosi ya Asiria, ya ya kwa nokeng ya Ferathe, mme kgosi Josia a ya a mo kgatlhantsha, mme ya re Farao Nego a mmona, a mmolaela kwa Megito. Mme batlhanka ba gagwe ba mo tsaya kwa Megito ka koloi a sule, ba mo isa kwa Jerusalema, ba mo fitlha mo lebitleng la gagwe; mme batho ba lefatshe ba tsaya Joahase morwa Josia, ba mo tlotsa, ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga rraagwe. Joahase o ne a le dinyaga di le 23, fa a nna kgosi, a busa dikgwedi di le tharo kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale morwadia Jeremia wa Lebena. O ne a dira tse di bosula mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile borraagwe. Mme Farao Nego a mo tshwara kwa Ribela mo lefatsheng la Hamathe gore a se ka a busa kwa Jerusalema; a ba a beela lefatshe petso ya go lefa ditalente di le 100 tsa selefera le talente ya gouta. Farao Nego a ba a dira Eliakime morwa Josia kgosi mo boemong jwa ga Josia rraagwe, a fetola leina la gagwe a mmitsa Joyakime; a ba a tsaya Joahase, a mo isa kwa Egepeto, mme a swela teng. Joyakime o ne a naya Farao Nego selefera ele le gouta ele; fela o ne a na le go kgethisa batho ba lefatshe go ka ntsha selefera ka fa taelong ya ga Farao; a laola batho ba lefatshe gore mongwe le mongwe a ntshe selefera le gouta ka fa nonofo ya gagwe e bonyweng ka teng gore di neelwe Farao Nego. Joyakime o ne a le dinyaga di le 25, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le some le motso kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Sebuta morwadia Phetaya wa kwa Ruma. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile borraagwe. Mo metlheng ya gagwe ga tlhaga Nebukatenesare kgosi ya Babele, mme Joyakime a nna motlhanka wa gagwe dinyaga di le tharo; ya baa gona a mo tlhanogelang gape. Ke fa Morena a mo romela dinokwane tsa Bakalatea le tsa Basiria le tsa Bamoabe le tsa Baamone; a di romela kwa Juta go mo nyeletsa ka fa lefokong la Morena le o le buileng ka baporofeti, batlhanka ba gagwe. Ga dirafalela Bajuta jalo ka ntlha ya taelo ya Morena fela e le go ba tlosa fa pele ga sefatlhego sa gagwe ka ntlha ya maleo a ga Manase a tsotlhe tse o neng a di dira le ka ntlha ya madi a a se nang molato a Manase o neng a a tsholola, a tlatsa Jerusalema madi a a se nang molato, Morena a se ka a rata go ba itshwarela. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joyakime le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme Joyakime a robala le borraagwe, mme Joyagine morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Kgosi ya Egepeto ya se ka ya tlhola e bolola mo lefatsheng la yona; gonne kgosi ya Babele e ne e thopile tsotlhe tse e neng e le tsa kgosi ya Egepeto go tloga kwa nokaneng ya Egepeto go ya go fitlha kwa nokeng ya Ferathe. Joyagine o ne a le dinyaga di le 18, fa a nna kgosi, a busa dikgwedi di le tharo kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Nehusetha morwadia Elenathane wa mo Jerusalema. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile rraagwe. Ka sebaka seo batlhanka ba ga Nebukatenesare kgosi ya Babele ba bololela Jerusalema, mme motse wa dikanyediwa ke ntwa. Mme ya re Nebukatenesare kgosi ya Babele e tla ka yosi go tlhasela motse, batlhanka ba yona ba ntse ba o dikanyeditse, Joyagine, kgosi ya Juta, a tswela kwa kgosing ya Babele go ineela, ene le mmaagwe le batlhanka ba gagwe le dikgosana tsa gagwe le badiredi ba lapa la gagwe, mme kgosi ya Babele ya mo golega ka ngwaga wa robedi wa puso ya yona. Kgosi ya Babele ya ba ya tsena mo motseng, ya ntsha teng mahumo otlhe a Ntlo ya Morena le mahumo a ntlo ya kgosi, ya thubaganya dilo tsotlhe tsa gouta tse di neng di dirilwe ke Salomo, kgosi ya Iseraele, mo Tempeleng ya Morena, jaaka go ne ga bua Morena. Ya isa batho botlhe ba Jerusalema le dikgosana tsotlhe le bagale botlhe mo botshwarong, e bong ba le 10 000 mmogo le ditswerere tsotlhe le bathudi; ga se ka ga sadisiwa ope fa e se batho ba ba humanegileng ba lefatshe fela. Ya isa Joyagine botshwarong kwa Babele le mma-kgosi le basadi ba kgosi le badiredi ba yona le baeteledipele ba lefatshe, ya ba ntsha mo Jerusalema, ya ba isa botshwarong kwa Babele le banna botlhe ba ba maatlametlo ba le 7 000 le ditswerere le bathudi ba le 1 000, botlhe e le bagale ba ba itseng ntwa, kgosi ya Babele ya ba isa botshwarong kwa Babele. Mme kgosi ya Babele ya dira Mathanya rrangwanaagwe Joyagine kgosi mo boemong jwa gagwe, ya fetola leina la gagwe, ya mmitsa Setekia. Setekia o ne a le dinyaga di le 21, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 11 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale, morwadia Jeremia wa kwa Lebena. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile Joyakime. Gonne go ne ga dirafalela Jerusalema le Juta jalo ka ntlha ya bogale jwa Morena ga tsamaya a ba latlha, a ba tlosa fa pele ga sefatlhego sa gagwe. Mme Setekia a tlhanogela kgosi ya Babele. E rile ka ngwaga wa robongwe wa puso ya ga Setekia ka letsatsi la some la kgwedi ya some ga tla Nebukatenesare kgosi ya Babele kwa motseng wa Jerusalema, a na le mephato yotlhe ya gagwe, a o dikanyetsa ka ntwa, mme ba aga dikago tsa go o tlhasela mo tikologong. Motse wa nna wa dikanyediwa jalo ke ntwa go ya ngwageng wa some le motso o le mongwe wa puso ya kgosi Setekia. Mme ka la robongwe la kgwedi ya bone tlala ya nna e kgolo mo motseng; batho ba ba tswang kwa nageng ba tlhoka dijo. Ya baa gona ba sutlhelelang mo motseng. Ya re Setekia le banna botlhe ba batlhabani ba bona jalo, ba tshaba ba tswa mo motseng bosigo ka tsela ya kgoro e e fa gare ga dipota tse pedi e e fa tshimong ya kgosi – Bakalatea ba ntse ba dikanyeditse motse – Setekia a tshaba ka tsela e e yang kwa Lebaleng la Joretane. Mme batlhabani ba Bakalatea ba latelela kgosi, ba e tshwarela mo nageng ya Jerigo. Ke fa batlhabani botlhe ba gagwe ba phatlalala ba mo tshabela. Bakalatea ba tshwara kgosi, ba e isa kwa kgosing ya Babele kwa Ribela, ba e atlholela petso teng. Ba bolaya bomorwa Setekia fa pele ga matlho a gagwe, mme Nebukatenesare a foufatsa matlho a ga Setekia, a mmofa ka dikeetane, a mo isa kwa Babele. Ka ngwaga wa 19 wa puso ya ga Nebukatenesare kgosi ya Babele ka kgwedi ya botlhano e supa ga tla Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, motlhanka wa kgosi ya Babele kwa Jerusalema. A fisa Ntlo ya Morena le ntlo ya kgosi le matlo otlhe a Jerusalema; a fisa matlo a magolo otlhe ka molelo. Batlhabani botlhe ba Bakalatea ba ba neng ba na le tlhogo ya bafemedi ba kgosi ba diga dipota tsa Jerusalema tikologong. Mme masalela a batho ba ba setseng mo motseng le bathobi ba ba ineetseng kgosi ya Babele le masalela a bontsi Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, ya ba isa mo botshwarong. Fela bangwe ba bahumanegi ba kwa nageng tlhogo ya bafemedi ba kgosi ya ba sadisa go nna balemi ba masimo a moweine le ba masimo a mangwe. Mme maotwana a kgotlho a a neng a le fa Ntlong ya Morena le dikolotsana tsa tlhatswetso le lewatle la kgotlho tse di neng di le fa Ntlong ya Morena Bakalatea ba di thubaganya, ba isa kgotlho ya tsona kwa Babele. Le gona ba tsaya dipitsa le diolola-melora le dithipa le megopo le dilo tsotlhe tsa kgotlho tse go neng go dirwa ka tsona mo tirelong-Modimo. Molaodi wa bafemedi ba kgosi a tsaya ditshola-molelo le megopo e e kgatshetsang; e bong tsotlhe tse e leng gouta fela le tsotlhe tse e leng selefera fela. Maotwana a mabedi le lewatle le dikolotsana tsa tlhatswetso tse Salomo o neng a di diretse Ntlo ya Morena, bokete jwa kgotlho ya dilo tsotlhe tseo ba palelwa ke go bo lekanya. Bogodimo jwa lekotwana e ne e le mabogo a le 18, mme go le tlhogo ya kgotlho mo godimo ga lone; bogodimo jwa tlhogo e le mabogo a le mararo. Tharaanyo ya digaranata e ne e kgabisa tlhogo mo tikologong e le ya kgotlho yotlhe. Le lekotwana la bobedi le ne le kgabisitswe jalo ka digaranata tse di mo tharaanyong. Le gona molaodi wa bafemedi ba kgosi a tsaya Seraya moperesiti yo mogolo le Sefanya moperesiti wa bobedi le badisa ba bararo ba mojako; mo motseng a tsaya modiredi wa lapa la kgosi a le mongwe yo e neng e le mookamedi wa batlhabani le banna ba batlhano ba kgosing ba ba fitlhetsweng mo motseng le mokwaledi wa molaodi wa batlhabani yo o neng a kua mephato ya batlhabani mo bathong ba lefatshe le banna ba le 60 ba batho ba kwa nageng ba ba fitlhetsweng mo motseng. Bone bao Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a ba tsaya, a ba isa kwa kgosing ya Babele kwa Ribela. Mme kgosi ya Babele ya ba itaya, ya ba bolaela kwa Ribela mo nageng ya Hamathe. Ka mokgwa oo Bajuta ba ne ba ntshiwa mo lefatsheng la bone. Fa e le batho ba Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o neng a ba sadisitse mo lefatsheng la Juta a dira Ketalea morwa Ahikame morwa Safane mookamedi wa bone. Jaanong e rile balaodi botlhe ba mephato, bone le mephato ya bone, ba utlwa gore kgosi ya Babele e laodisitse Ketalea lefatshe, ba tla kwa go Ketalea kwa Mitsepha, e bong Isemaele morwa Nethanya le Johanane morwa Karea le Seraya morwa Thanumethe wa kwa Netofa le Jaasanya morwa monna wa kwa Maaga, bone le mephato ya bone. Mme Ketalea a ba ikanela le banna ba bone a ba raya a re: “Se boifeng batlhanka ba Bakalatea. Nnang mo lefatsheng lo direle kgosi ya Babele. Foo lo tla phela sentle.” Mme e rile ka kgwedi ya bosupa ga tla ene Isemaele, morwa Nethanya morwa Elisama wa losika lwa kgosi, a na le banna ba le some, ba bolaya Ketalea le Bajuta le Bakalatea ba ba neng ba na nae kwa Mitsepha, ba a swa. Ke fa morafe otlhe, ba bannye le ba bagolo ba na le balaodi ba mephato ba falalela kwa Egepeto; gonne ba ne ba boifa Bakalatea. Jaanong e rile Joyagine kgosi ya Juta e sena go fetsa dinyaga di le 37 e ntse e le mo kgolegong ka kgwedi ya 12 e le 27, Ewile-Merotage kgosi ya Babele ya tlhomogela Joyagine kgosi ya Juta pelo, ya mo ntsha mo ntlong ya kgolegelo. E ne e le ka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe. Ya bua nae ka bopelonomi, sedulo sa gagwe sa bogosi ya se okamisa ditulo tsa dikgosi tse di neng di na nae kwa Babele. Ya ba ya mo apola diaparo tsa kgolego, ya mo apesa tsa tlotlo, mme a nna a jela fa pele ga yona ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe. Tse a phelang ka tsona o ne a di fiwa ke kgosi ya Babele ka botlalo ka fa go batlegang ka teng letsatsi lengwe le lengwe ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe. Atame, Sethe, Enose, Kenane, Mahalalele, Jarete, Henoge, Methusala, Lamege, Noa. Bomorwa Noa ke Seme le Hame le Jafethe. Bomorwa Jafethe ke Gomere le Magogo le Matai le Jafane le Thubale le Mesege le Thirase. Bomorwa Gomere ke Asekenase le Rifathe le Thogarama. Bomorwa Jafane ke Elisa le Tharesise le Bakhithime le Barotanime. Bomorwa Hame ke Khuše le Miseraime le Phute le Kanana. Bomorwa Khuše ke Seba le Hawila le Sabetha le Raema le Sabetheka; bomorwa Raema ke Šeba le Detane. Mme Khuše a tsala Nimerote; ke ene mogale wa ntlha mo lefatsheng. Miseraime a tsala Baludi le Baanami le Balehabi le Banafethugi le Baphatharusi le Bakhaselugi le Bakhafethori, ba Bafelesita ba duleng mo go bone. Mme Kanana a tsala Sitone morwawe wa ntlha le Hethe; le Bajebusi le Baamori le Bagiregasi le Bahewi le Baareki le Basini le Baarwadi le Basemari le Bahamathe. Bomorwa Seme ke Elame le Asure le Arephagasadi le Lute le Arame; bomorwa Arame ke Use le Hule le Gethere le Mesege. Mme Arephagasadi a tsala Kenane; Kenane a tsala Sela; Sela a tsala Hebere. Mme Hebere a tsalelwa bomorwa ba le babedi; leina la yo mongwe e le Phelege, gonne mo metlheng ya gagwe batho ba lefatshe ba ne ba kgaoganngwa; leina la ga monnawe e le Jokotane. Jokotane a tsala Alemotate le Selefe le Hasaremawethe le Jera le Hatorame le Usale le Dikela le Ebale le Abimaele le Šeba le Ofire le Hawila le Jobabe; botlhe bao ke bomorwa Jokotane. Seme, Arephagasadi, Sela, Hebere, Phelege, Rehu, Seruge, Nahore, Thara, Aborame, ke ene Aborahame. Bomorwa Aborahame ke Isaka le Isemaele. Tlhomagano ya ditshika tsa bone ke e: Morwa Isemaele wa ntlha ke Nebayothe le Ketare le Atebele le Mibesame le Misima le Duma le Masa le Hatate le Thema le Jeture le Nafise le Kedima. Ke bone bomorwa Isemaele. Bomorwa Ketura, mogadingwana wa ga Aborahame: A tshola Simerane le Jokosane le Metane le Midiane le Isepake le Sua. Mme bomorwa Jokosane ke Šeba le Detane. Bomorwa Midiane ke Efa le Efere le Henoge le Abita le Eletaha; botlhe bao ke bomorwa Ketura. Aborahame a tsala Isaka; bomorwa Isaka ke Esau le Iseraele. Bomorwa Esau ke Elifase le Rehuele le Jeuse le Jaelame le Kora. Bomorwa Elifase ke Themane le Omare le Sefi le Gaethame le Kenase le Thimena le Amaleke. Bomorwa Rehuele ke Nahathe le Sera le Sama le Misa. Bomorwa Seire ke Lotane le Sobale le Sibeone le Ana le Disone le Esere le Disane. Bomorwa Lotane ke Hori le Homame; kgaitsadia Lotane ke Thimena. Bomorwa Sobale ke Aliane le Manahathe le Ebale le Sefi le Oname. Bomorwa Sibeone ke Aya le Ana. Morwa Ana ke Disone. Bomorwa Disone ke Hamerane le Esebane le Itherane le Kerane. Bomorwa Esere ke Bilehane le Saawane le Jaakane; bomorwa Disane ke Use le Arane. Dikgosi tse di neng tsa busa kwa lefatsheng la Etomo go ise go buse kgosi ya Baiseraele ke tse: Ke Bela morwa Beore; leina la motse wa gagwe e le Dinehaba. Ya re Bela a sena go swa, ga busa Jobabe morwa Sera wa kwa Bosera mo boemong jwa gagwe. Ya re Jobabe a sena go swa, ga busa Husame wa kwa lefatsheng la Bathemane mo boemong jwa gagwe. Ya re Husame a sena go swa, ga busa Hatate morwa Betate mo boemong jwa gagwe; ke ene yo o neng a fenya Bamidiane mo nageng ya Moabe. Leina la motse wa gagwe e ne e le Awithe. Ya re Hatate a sena go swa, ga busa Samela wa kwa Masereka mo boemong jwa gagwe. Ya re Samela a sena go swa, ga busa Saule wa kwa Rehobothe yo o fa nokeng mo boemong jwa gagwe. Ya re Saule a sena go swa, ga busa Baale-Hanane morwa Akebore mo boemong jwa gagwe. Ya re Baale-Hanane a sena go swa, ga busa Hatate mo boemong jwa gagwe; leina la motse wa gagwe e le Phahi; leina la mosadi wa gagwe e le Mehetabele morwadia Materedi morwadia Mesahabe bommaagwe-mogolo. Ya re Hatate a sena go swa, ga nna dikgosana kwa Etomo mo boemong jwa dikgosi, e bong Thimena le Alia le Jethethe le Oholibama le Ela le Phinone le Kenase le Themane le Mibesare le Magadiele le Irame. Ke tsona dikgosana tsa Etomo. Bomorwa Iseraele ke ba: Rubene le Simeone le Lefi le Juta le Isašare le Sebulone le Dane le Josefa le Benyamene le Nafetale le Gate le Asere. Bomorwa Juta ke Ere le Onane le Sela. O belegetswe ba bararo ba ke morwadia Sua, mosadi wa Mokanana. Mme Ere morwa Juta wa ntlha o ne a le bosula mo matlhong a Morena, ka moo a mmolaya. Thamare ngwetsi wa gagwe a tshola nae Pherese le Sera. Bomorwa Juta botlhe ba ne ba le batlhano. Bomorwa Pherese ke Heserone le Hamule. Bomorwa Sera ke Simeri le Ethane le Hemane le Kalakolo le Dara. Mmogo ke ba batlhano. Morwa Simeri ke Karemi; morwa Karemi ke Agane yo o kileng a tsenya Baiseraele mo kotsing ka go utswa tse di rogilweng ke Modimo. Morwa Ethane ke Asaria. Heserone a belegelwa bomorwawe, e bong Jeramele le Rame le Kalebe. Rame a tsala Aminatabe; Aminatabe a tsala Nasone moeteledipele wa Bajuta. Nasone a tsala Salema; Salema a tsala Boase; Boase a tsala Obete; Obete a tsala Isai. Isai a tsala Eliabe, morwawe wa ntlha le Abinatabe, e le wa bobedi, le Šimea, e le wa boraro, le Nethanele, e le wa bone, le Ratai, e le wa botlhano, le Oseme, e le wa borataro, le Dafita, e le wa bosupa. Bokgaitsadia-bone ke Seruya le Abikaile. Bomorwa Seruya ke Abisai le Joabe le Asahele, ba bararo. Mme Abikaile a belega Amasa; rraagwe Amasa e le Jethere wa Moisemaele. Kalebe morwa Heserone a tsala Jeriothe ngwana wa mosetsana le Asuba mosadi wa gagwe; bomorwawe ke Ješere le Sobabe le Aretone. Ya re Asuba a sena go swa, Kalebe a nyala Eferathe; ene a mmelegela Hure. Hure a tsala Uri; Uri a tsala Besalele. Morago ga moo Heserone a tsena kwa go morwadia Magire rraagwe Gileate, a mo tsaya a le dinyaga di le 60; ene a tshola Sekube nae. Sekube a tsala Jaire yo o neng a na le metse e le 23 kwa lefatsheng la Gileate. Mme Bakesure le Basiria ba ba amoga metsana ya ga Jaire, e bong Kenathe le metsana ya teng, e le metse e le 60. Yotlhe eo e ne e le ya bomorwa Magire rraagwe Gileate. E rile Heserone a sena go swela kwa Kalebe-Eferatha, Abia mosadi wa gagwe a mmelegela Asehure rraagwe Thekoa. Bomorwa Jeramele morwa Heserone wa ntlha e ne le Rame morwawe wa ntlha le Buna le Orene le Oseme le Ahia. Jeramele o ne a na le mosadi yo mongwe, leina la gagwe e le Atara; ke ene mmagwe Oname. Bomorwa Rame morwa Jeramele wa ntlha e ne e le Maase le Jamine le Ekere. Bomorwa Oname e ne e le Samai le Jata; bomorwa Samai e le Natabe le Abisure. Leina la mosadi wa ga Abisure e ne e le Abigaile; ene a tshola Agebane le Molite nae. Bomorwa Natabe ke Selete le Aphaime, mme Selete a swa a se na bana. Morwa Aphaime ke Isei; morwa Isei ke Sesane; morwa Sesane ke Ahelai. Bomorwa Jata morwa-rraagwe Samai ke Jethere le Jonathane. Mme Jethere a swa a se na bana. Bomorwa Jonathane ke Phelethe le Sasa. Bao e ne e le bomorwa Jeramele. Mme Sesane o ne a se na bomorwa fa e se bomorwadi fela. Jaanong Sesane a na le motlhanka wa Moegepeto, leina la gagwe e le Jareha. Mme Sesane a neela Jareha motlhanka wa gagwe morwadi go nna mosadi wa gagwe; ene a tshola Athai nae. Athai a tsala Nathane; Nathane a tsala Sabate; Sabate a tsala Efelale; Efelale a tsala Obete; Obete a tsala Jehu; Jehu a tsala Asaria; Asaria a tsala Halese; Halese a tsala Eleasa; Eleasa a tsala Sisemai; Sisemai a tsala Sadume; Sadume a tsala Jekamia; Jekamia a tsala Elisama. Morwa Kalebe morwa-rraagwe Jeramele ke Mareša, morwawe wa ntlha; ke ene rragwe Sife. Morwa Mareša ke Heberone. Bomorwa Heberone ke Kora le Thaphua le Rekeme le Sema. Mme Sema a tsala Rahame rraagwe Jorekeame; Rekeme a tsala Samai. Morwa Samai ke Maone; Maone ke rraagwe Betshure. Efa mogadingwana wa ga Kalebe a belega Harane le Mosa le Kasese; Harane a tsala Kasese. Bomorwa Jatai ke Regeme le Jothame le Kesane le Phelete le Efa le Saafe. Mme Maaga mogadingwana wa ga Kalebe a belega Sebere le Thiregana; a ba a belega Saafe rraagwe Matemana le Sewa rraagwe Magebena le Gibea. Mme morwadia Kalebe e ne e le Agesa. Bao e ne e le bomorwa Kalebe. Bomorwa Hure morwa Eferatha wa ntlha ke Sobale Rra-Khiriathe-Jearime le Salema Rra-Betleheme le Harefe Rra-Bethe-Katere. Bomorwa Sobale Rra-Khiriathe-Jearime e ne e le Haroe le batho ba bontlhanngwe jwa Bamanahathe le ditshika tsa Khiriathe-Jearime, e bong Baithere le Baphuthe le Basumathi le Bamiserai; mo go bao go dule ba Sorea le Baešethaole. Bomorwa Salema ke ba Betleheme le ba Netofa le ba Aterothe-Bethe-Joabe le batho ba bontlhanngwe jwa Bamanahathe, e bong ba kwa Sorea. Ditshika tsa bakwadi ba ba neng ba agile kwa Jabese ke Bathira le Basimea le Basuga; bone ke Bakeni ba ba duleng mo go Hamathe rra-lelapa la ga Regabe. Bomorwa Dafita ba o neng a ba belegelwa kwa Heberone e ne e le ba: Wa ntlha e le Amenone wa ga Ahinoame mosadi wa kwa Iserele; wa bobedi e le Daniele wa ga Abikaile mosadi wa kwa Karemele; wa boraro e le Abesalomo morwa Maaga morwadia Thalemai kgosi ya Kesure; wa bone e le Atonia morwa Hagithe; wa botlhano e le Sefatya wa ga Abitale; wa borataro e le Ithereame wa ga Egela mosadi wa gagwe. A belegelwa ba barataro kwa Heberone. Kana o ne a busa teng dinyaga di supa le dikgwedi di le thataro; mme kwa Jerusalema a busa dinyaga di le 33. Ba o neng a ba belegelwa kwa Jerusalema ke Šimea le Sobabe le Nathane le Salomo – ke ba bane ba ga Batsheba morwadia Amiele – le Ibegare le Elisama le Elifelete le Noga le Nefege le Jafia le Elisama le Eliata le Elifelete, ke ba robongwe. Ke bone bomorwa Dafita botlhe, go sa balwe bomorwa bagadingwana, mme Thamare e le kgaitsadia-bone. Morwa Salomo e ne e le Rehabeame, morwawe e le Abia, morwawe e le Asa, morwawe e le Josafate, morwawe e le Jorame, morwawe e le Ahasia, morwawe e le Joase, morwawe e le Amasia, morwawe e le Asaria, morwawe e le Jothame, morwawe e le Ahase, morwawe e le Hesekia, morwawe e le Manase, morwawe e le Amone, morwawe e le Josia. Fa e le bomorwa Josia, wa ntlha e ne e le Johanane, wa bobedi e le Joyakime, wa boraro e le Setekia, wa bone e le Sadume. Bomorwa Joyakime: Morwawe e ne e le Jegonya, morwawe e le Setekia. Bomorwa Jegonya yo o neng a le mo botshwarong e ne e le Salathiele le Malekirame le Phetaya le Senasare le Jekamia le Hosama le Netabja. Bomorwa Phetaya e ne e le Serubabele le Simei; bomorwa Serubabele e le Mesulame le Hananya; – Kgaitsadia-bone e le Selomithe – gape Hasuba le Ohele le Beregia le Hasatya le Jusabe-Hesete, ba batlhano. Morwa Hananya e ne e le Phelatya, morwawe e le Jesaya, morwawe e le Refaya, morwawe e le Arenane, morwawe e le Obatya, morwawe e le Seganya. Bomorwa Seganya e ne e le Semaya le Hatuse le Igale le Baria le Nearia le Safate, ba barataro. Bomorwa Nearia e ne e le Eleyoenai le Hesekia le Aserikame, ba bararo. Mme bomorwa Eleyoenai e ne e le Hotafia le Eliasibe le Phelaya le Akhube le Johanane le Delaya le Anani, ba supa. Bomorwa Juta ke Pherese le Heserone le Karemi le Hure le Sobale. Mme Reaya morwa Sobale a tsala Jahathe, Jahathe a tsala Ahumai le Lahate; ke tsona ditshika tsa ba Sorea. Etame le Iserele le Isema le Itebase – leina la kgaitsadia-bone e le Haseleleponi – le Phenuele rraagwe Ketore le Esere rraagwe Huša e ne e le bomorwa Hure morwa Eferatha wa ntlha Rra-Betleheme. Mme Asehure Rra-Thekoa o ne a na le basadi ba le babedi Helea le Naara. Naara a tshola nae Ahusame le Hefere le Themeni le Baahasethari. Ke bone bomorwa Naara. Mme bomorwa Helea e ne e le Serethe le Isehare le Ethenane le Kose. Kose a tsala Anube le Hasobeba le Jabese le ditshika tsa ga Aharehele morwa Harume. Mme Jabese o ne a tlotlega bogolo go bomorwa-rraagwe. Mmaagwe o ne a mo teile leina la Jabese a re: “Kana ke mmelege ka botlhoko.” Jabese o ne a rapela Modimo wa Iseraele a re: “E kete o ka bo o ntshegofatsa thata wa atlhamolosa naga ya me, mme seatla sa gago sa nna le nna, wa thibela bosula gore bo se ka jwa ntlhokofatsa!” Mme Modimo wa mo direla jaaka a kopile. Mme Kelobe morwa-rraagwe Suha a tsala Mehire; ke ene rraagwe Esethone. Esethone a tsala Betherafa le Phasea le Thehina Rra-motse wa Nahase. Ke bone banna ba Rega. Bomorwa Kenase ke Otheniele le Seraya. Bomorwa Otheniele ke Hathathe le Meonothai. Meonothai a tsala Ofera; Seraya a tsala Joabe Rra-molapo wa ditswerere; gonne e ne e le ditswerere. Bomorwa Kalebe morwa Jefune ke Iru le Ela le Naame; morwa Ela ke Kenase. Bomorwa Jehalelele ke Sife le Sifa le Thireya le Asarele. Bomorwa Esera ke Jethere le Merete le Efere le Jalone. Bomorwa Bithia morwadia Farao yo Merete o neng a mo nyetse, ba ene o ba belegeng ke Miriame le Samai le Iseba rraagwe Ešethemoa. Mme mosadi wa gagwe wa Mojuta a belega Jerete rraagwe Ketore le Hebere rraagwe Sogo le Jehuthiele rraagwe Sanoa. Bomorwa mosadi wa ga Hodiya kgaitsadia Nahame ke rraagwe Kehila wa kwa Karemi le Ešethemoa wa kwa Maaga. Bomorwa Simone ke Amenone le Rina le Benehanane le Thilone; bomorwa Isei ke Sohethe le Benesohethe. Bomorwa Sela morwa Juta ke Ere rraagwe Lega le Laeta rraagwe Mareša le ditshika tsa balogi ba letseta ba kwa Asebea; le Jokime le banna ba Koseba le Joase le Sarafe ba ba neng ba busa Moabe, le Jasubileheme. Kana ke dikgang tsa bogologolo. Bone e ne e le babopi ba dinkgwana, ba agile kwa Netaime le kwa Ketera; ba agile fa kgosing ba le mo tirong ya yona. Bomorwa Simeone ke Nemuele le Jamine le Jaribe le Sera le Saule; morwawe e le Sadume, morwawe e le Mibesame, morwawe e le Mišema. Morwa Mišema e ne e le Hamuele, morwawe e le Sakhure, morwawe e le Simei. Simei o ne a na le bomorwa ba le 16 le bomorwadi ba le barataro, mme bomorwa-rraagwe ba se na bomorwa ba bantsi. Mme losika lotlhe lwa bone lwa se ka lwa ata jaaka bomorwa Juta. Ba ne ba agile kwa Bereseba le Molata le Hasare-Šuale le kwa Bileha le Eseme le Tholate le kwa Bethuele le Horema le Sitlage le kwa Bethe-Marekabothe le kwa Hasare-Susime le kwa Bethe-Biri le kwa Saaraime. Eo e ne e le metse ya bone go fitlha pusong ya ga Dafita. Metsana ya bone e ne e le Etame le Aine le Rimone le Thogene le Ašane, metse e metlhano, le metsana yotlhe e e neng e le mo tikologong ya metse eo go fitlha kwa Baale. Ke one mafelo a bone. Ba bile ba ikwalela tlhomagano ya ditshika tsa bone. Basimeone ba bangwe ke Mesobabe le Jamelege le Josa morwa Amasia le Joele le Jehu morwa Josibja morwa Seraya morwa Asiele le Eleyoenai le Jaakoba le Jesohaya le Asaya le Adiele le Jesimiele le Benaya le Sisa morwa Sifei morwa Alone morwa Jetaya morwa Simeri morwa Semaya: Bao ba ba umakilweng ka maina e ne e le ditlhogo mo ditshikeng tsa bone, mme malapa a bone a ata, ba nna bantsi. Mme ba ya kwa botsenong jwa Ketore go fitlha ntlheng ya botlhabatsatsi ya molapo, go batlela matsomane a bone mafulo. Ba fitlhela mafulo a sefuti a a siameng, mme lefatshe la teng le ne le atlhame mo ntlheng tsotlhe, le iketlile le sa tshwenye ka sepe. Kana baagi ba teng ba pele e ne e le Bahame. Mme bao ba ba kwadilweng fa ka maina ba ya teng mo malatsing a ga Hesekia kgosi ya Juta, ba senya ditente tsa bale mmogo le tsa Bameuni ba ba neng ba fitlhelwa teng, ba dirafatsa khutso ya Modimo mo go bone, ga se ka ga sadisiwa ope go fitlha letsatsing leno, mme ba aga teng mo boemong jwa bale; gonne go ne go na le mafulo a difutshane tsa bone teng. Banna ba le 500 ba Basimeone ba kile ba ya kwa thabeng ya Seire, bagogi ba bone e le Phelatya le Nearia le Refaya le Usiele bomorwa Isei. Ba bolaya masalela a Baamaleke a a neng a falotse, ba nna teng go fitlha letsatsing leno. Bomorwa Rubene morwa Iseraele wa ntlha – gonne ke ene wa ntlha, mme e re ka a ne a itshekolola bolao jwa ga rraagwe, tshiamelo ya bogolo jwa gagwe ya neelwa bomorwa Josefa morwa Iseraele, mme e se go mo kwalela bogolo mo lokwalong lwa tlhomagano ya ditshika. Gonne Juta o ne a le thata mo go bomorwa-rraagwe, mme moeteledipele e ne e le wa ga gabo Juta, fela tshiamelo ya bogolo e le ya ga Josefa – bomorwa Rubene morwa Iseraele wa ntlha ke Henoge le Phalo le Heserone le Karemi. Morwawe Karemi e ne e le Joele, morwawe e le Semaya, morwawe e le Gogo, morwawe e le Simei, morwawe e le Miga, morwawe e le Reaya, morwawe e le Baale, morwawe e le Bera; ke ene yo o neng a isiwa mo botshwarong ke Thigelathe-Philesere kgosi ya Asiria, e le kgosana ya Barubene. Bomorwa-rraagwe ka fa ditshikeng tsa bone jaaka di ne tsa kwalwa mo lokwalong lwa tlhomagano ya tsona: Tlhogo ke Jehiele, a tlhomaganngwa ke Sagaria le Bela morwa Asase morwa Sema morwa Joele; ene o ne a agile kwa Aroere le go fitlha kwa Nebo le kwa Baale-Meone. Kwa botlhabatsatsi o ne a agile go ya go fitlha kwa sekakeng se se ka kwano ga noka ya Ferathe; gonne diruiwa tsa bone di ne di le dintsi mo lefatsheng la Gileate. Mo metlheng ya ga Saule Barubene ba ne ba lwa le Bahagare, ba ba bolaya ba nna mo ditenteng tsa bone ntlheng tsotlhe tsa botlhabatsatsi jwa Gileate. Bomorwa Gate ba ne ba agile go bapa nabo kwa lefatsheng la Basane go fitlha kwa Salega. Tlhogo ya bone e ne e le Joele, wa bobedi e le Safame le Jaenai le Safate kwa Basane. Bomorwa-rraabo ka fa malapeng a bone ke Migaele le Mesulame le Seba le Jorai le Jakane le Sia le Ebere, ba ba supa. Ke bone bomorwa Abigaile morwa Huri morwa Jaroa morwa Gileate morwa Migaele morwa Jesisai morwa Jato morwa Buse. Ahi, morwa Abadiele morwa Guni, e ne e le tlhogo ya dikgotla tsa bone. Ba ne ba agile kwa Gileate mo Basane le mo metsaneng ya teng le mo mafulong aotlhe a Sarone go ya go fitlha kwa a felelelang teng. Botlhe ba, ba ne ba kwalwa mo lokwalong lwa tlhomagano ya ditshika mo metlheng ya ga Jothame, kgosi ya Juta, le mo metlheng ya ga Jerobeame, kgosi ya Iseraele. Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase, fa go balwa bagale, banna ba ba tshotseng dithebe le ditšhaka ba ba gagamatsang mara, ba ba rutilweng tlhabano ba ne ba le 44 760 ba ba bololang mephatong. Ba dira ntwa le Bahagare le Jeture le Nafise le Notabe, mme ba thusega ba ba fenya. Bahagare le botlhe ba ba neng ba na nabo ba neelwa mo diatleng tsa bone; gonne ba ne ba tlhaeleditse Modimo ba le mo tlhabanong, mme wa ba utlwa, ka ba o ikanya. Ba thopa diruiwa tsa bone, e bong dikammele di le 50 000 le difutshane di le 250 000 le diesele di le 2 000 le batho ba le 100 000. E bile ba bantsi ba ne ba ole ba bolailwe; gonne tlhabano e ne e tswa Modimong, mme ba nna mo mafelong a bone go ya go fitlha botshwarong. Le bomorwa bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba ne ba agile mo lefatsheng leo go tloga kwa Basane go fitlha kwa Baale-Heremone le kwa Senire le kwa thabeng ya Heremone. Bone ba ne ba le bantsi. Ditlhogo tsa dikgoro tsa bone e ne e le Efere le Isei le Eliele le Aseriele le Jeremia le Hotafia le Jadiele; e le banna ba bagale, banna ba ba tumileng, e le ditlhogo tsa ditshika tsa bone. Mme e rile ka ba direla Modimo wa borraabo ka boikanyologo, ba dira boaka ka go latela medimo ya merafe ya lefatshe leo, e Modimo o neng o e nyeleditse fa pele ga bone; ka moo Modimo wa Iseraele wa tlhotlheletsa mowa wa ga Phule, e bong wa ga Thigelathe-Philesere kgosi ya Asiria, mme ya isa Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase mo botshwarong, ya ba isa kwa Hala le Habore le kwa dithabeng tsa Media le kwa nokeng ya Gosane. Ba sa ntse ba nna teng go fitlha letsatsing leno. Bomorwa Lefi ke Geresone le Kahathe le Merari. Bomorwa Kahathe ke Amerame le Isehare le Heberone le Usiele. Bana ba ga Amerame ke Arone le Moše le Miriame. Bomorwa Arone ke Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare. Eleasare a tsala Phinehase; Phinehase a tsala Abisua; Abisua a tsala Bukhi; Bukhi a tsala Usi; Usi a tsala Seragia; Seragia a tsala Merayothe; Merayothe a tsala Amaria; Amaria a tsala Ahitube; Ahitube a tsala Satoke; Satoke a tsala Ahimaase; Ahimaase a tsala Asaria; Asaria a tsala Johanane; Johanane a tsala Asaria; ke ene yo e neng e le moperesiti mo Tempeleng e Salomo o neng a e aga kwa Jerusalema. Asaria a tsala Amaria; Amaria a tsala Ahitube; Ahitube a tsala Satoke; Satoke a tsala Sadume; Sadume a tsala Hilekia; Hilekia a tsala Asaria; Asaria a tsala Seraya; Seraya a tsala Josatake; Josatake o ne a ya kwa botshwarong jale fa Morena a isa ba Juta le Jerusalema mo botshwarong ka Nebukatenesare. Bomorwa Lefi ke Geresone le Kahathe le Merari. Maina a bomorwa Geresone ke Lebeni le Simei. Bomorwa Kahathe ke Amerame le Isehare le Heberone le Usiele. Bomorwa Merari ke Magedi le Muši. Ditshika tsa Balefi ka fa dikgotleng tsa borraabo ke tse: Fa e le Geresone, morwawe e ne e le Lebeni, morwawe e le Jahathe, morwawe e le Sima, morwawe e le Joa, morwawe e le Ito, morwawe e le Sera, morwawe e le Jeatherai. Fa e le bomorwa Kahathe, morwawe e ne e le Aminatabe, morwawe e le Kora, morwawe e le Asire, morwawe e le Elekana, morwawe e le Ebjasafe, morwawe e le Asire, morwawe e le Thahathe, morwawe e le Uriele, morwawe e le Usia, morwawe e le Saule. Bomorwa Elekana e ne e le Amasai le Ahimothe le Elekana morwawe e le Elekana, morwawe e le Sofai, morwawe e le Nahathe, morwawe e le Eliabe, morwawe e le Jerohame, morwawe e le Elekana, morwawe e le Samuele. Bomorwa Samuele e ne e le Joele, yo mogolo, le Abia wa bobedi. Morwa Merari e ne e le Magedi, morwawe e le Lebeni, morwawe e le Simei, morwawe e le Usa, morwawe e le Šimea, morwawe e le Hakia, morwawe e le Asaya. Ba Dafita o ba beileng baopedisi ba masomo a baopedi mo Ntlong ya Morena, Letlole le sena go bona manno a boikhutso, ke ba: Ba nna ba direla fa pele ga moago wa Tente ya Boipontsho ka go opela go ya Salomo a ba a aga Ntlo ya Morena kwa Jerusalema. Ba ne ba eme mo tirelong ya bone ka fa thulaganyong ya bone. Ba ba neng ba tshwere tirelo eo mmogo le bana ba bone ke ba: Yo e neng e le wa bomorwa Kahathe ke Hemane moopedi, morwa Joele morwa Samuele morwa Elekana morwa Jerohame morwa Eliele morwa Thoa morwa Sufe morwa Elekana morwa Mahathe morwa Amasai morwa Elekana morwa Joele morwa Asaria morwa Sefanya morwa Thahathe morwa Asire morwa Ebjasafe morwa Kora morwa Isehare morwa Kahathe morwa Lefi morwa Iseraele. Mme Asafe, wa ga gabo Hemane, a nna a ema ka fa ntlheng ya le le jang la gagwe. Asafe e ne e le morwa Beregia morwa Šimea morwa Migaele morwa Baaseya morwa Malekhia morwa Etheni morwa Sera morwa Ataya morwa Ethane morwa Sima morwa Simei morwa Jahathe morwa Geresone morwa Lefi. Mme ba ga gabo, bomorwa Merari, ba nna ba ema ntlheng ya molema: E bong Ethane morwa Khiše morwa Abedi morwa Maloge morwa Hasabja morwa Amasia morwa Hilekia morwa Amesi morwa Bani morwa Semere morwa Magedi morwa Muši morwa Merari morwa Lefi. Ba ga gabo Balefi ba bangwe ba ne ba neetswe ditirelo tsa mefutafuta kwa moagong wa Ntlo ya Modimo. Fela Arone le bomorwawe ba ne ba na le go tshuba ditlhabelo mo aletareng ya ditlhabelo tsa phiso le maswalo mo aletareng ya musi le go dira tiro yotlhe ya Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le go batlela Baiseraele boitshwarelo fela jaaka go ne go laetse Moše motlhanka wa Modimo. Bomorwa Arone ke ba: Morwawe e ne e le Eleasare, morwawe e le Phinehase, morwawe e le Abisua, morwawe e le Bukhi, morwawe e le Usi, morwawe e le Seragia, morwawe e le Merayothe, morwawe e le Amaria, morwawe e le Ahitube, morwawe e le Satoke, morwawe e le Ahimaase. Madulo a bone ka fa mathibelelong a ditente tsa bone mo nageng ya bone ke a: Bomorwa Arone, e bong ba losika lwa ga Kahathe – gonne tengwa ya ntlha e ne e le ya bone – ba ne ba fiwa Heberone mo lefatsheng la Juta le mafulo a teng mo tikologong. Mme Kalebe morwa Jefune a abelwa masimo a motse oo le metsana ya ona. Bomorwa Arone ba abelwa motse wa botshabelo wa Heberone le mafulo a teng le Lebena le mafulo a teng le Jathire le mafulo a teng le Ešethemoa le mafulo a teng le Hilene le mafulo a teng le Debire le mafulo a teng le Ašane le mafulo a teng le Betšhemeše le mafulo a teng. Mo nageng ya lotso lwa ga Benyamene ba abelwa Geba le mafulo a teng le Alemethe le mafulo a teng le Anathothe le mafulo a teng. Metse yotlhe ya bone e ne e le metse e le 13 le mafulo a yona. Bomorwa Kahathe ba bangwe ba abelwa ka tengwa metse e le some ka fa ditshikeng tsa bone mo nageng ya lotso lwa ga Eferaime le ya lotso lwa ga Dane le ya bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase. Bomorwa Geresone ba abelwa metse e le 13 ka fa ditshikeng tsa bone mo nageng ya lotso lwa ga Isašare le ya lotso lwa ga Asere le ya lotso lwa ga Nafetale le ya lotso lwa ga Manase yo o kwa Basane. Bomorwa Merari ba abelwa ka tengwa metse e le 12 ka fa ditshikeng tsa bone mo nageng ya lotso lwa ga Rubene le ya lotso lwa ga Gate le ya lotso lwa ga Sebulone. Baiseraele ba naya Balefi metse eo le mafulo a yona. Ba naya baperesiti ka tengwa metse ele e e boletsweng ka maina mo lotsong lwa ga Juta le mo lotsong lwa ga Simeone le mo lotsong lwa ga Benyamene. Ditshika tse dingwe tsa bomorwa Kahathe tsa abelwa metse ka tengwa mo lotsong lwa ga Eferaime; tsa newa motse wa botshabelo wa Šegeme le mafulo a ona kwa dithabeng tsa Eferaime le Gesere le mafulo a teng le Jokemeame le mafulo a teng le Bethorone le mafulo a teng le Ayalone le mafulo a teng le Gathe-Rimone le mafulo a teng. Mo go bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase tsa newa Anere le mafulo a teng le Bileame le mafulo a teng. Ke yona e e neng e le ya losika lwa bomorwa Kahathe ba bangwe. Bomorwa Geresone ka fa ditshikeng tsa bone ba abelwa metse mo botlhanngweng jwa lotso lwa ga Manase, e bong Golane kwa Basane le mafulo a teng le Ašetharothe le mafulo a teng. Mo lotsong lwa ga Isašare ba newa Keteše le mafulo a teng le Daberathe le mafulo a teng le Jaremuthe le mafulo a teng le Aneme le mafulo a teng. Mo lotsong lwa ga Asere ba abelwa Mašale le mafulo a teng le Abetone le mafulo a teng le Hukoke le mafulo a teng le Rehobe le mafulo a teng. Mo lotsong lwa ga Nafetale ba abelwa Keteše kwa Galelea le mafulo a teng le Hamone le mafulo a teng le Khiriathaime le mafulo a teng. Bomorwa Merari ba bangwe mo lotsong lwa ga Sebulone ba abelwa Rimone le mafulo a teng le Thabore le mafulo a teng. Kwa moseja ga Joretane fa go lebaganyeng le Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Joretane mo lotsong lwa ga Rubene ba abelwa Besere kwa sekakeng le mafulo a teng le Jasa le mafulo a teng le Ketemothe le mafulo a teng le Mefaathe le mafulo a teng. Mo lotsong lwa ga Gate ba abelwa Ramothe wa kwa Gileate le mafulo a teng le Mahanaime le mafulo a teng le Hešebone le mafulo a teng le Jasere le mafulo a teng. Bomorwa Isašare ke Thola le Phua le Jašube le Simerone, ba bane. Bomorwa Thola ke Usi le Refaya le Jeriele le Jamai le Ibesame le Samuele; ke tsona ditlhogo tsa dikgoro tsa ga gabo Thola e le bagale. Ba kwadilwe lokwalong ka fa tlhomaganong ya bone. Palo ya bone mo metlheng ya ga Dafita e ne e le 22 600. Morwa Usi e ne e le Iseraya; bomorwa Iseraya e le Migaele le Obatya le Joele le Isia, ba batlhano, e le ditlhogo botlhe. Mme mephato ya batlhabani ba le 36 000 e ne e na nabo ka fa tlhomaganong ya malapa a bone; gonne ba ne ba na le basadi ba bantsi le bana ba bantsi. Ba ga gabo Isašare ba ditshika tsotlhe tsa gagwe e ne e le batlhabani ba ba pelokgale; botlhe mmogo ba ne ba le 87 000 ka fa ba kwadilweng ka teng mo lokwalong lwa ditshika. Bomorwa Benyamene e ne e le Bela le Begere le Jediaele, ba bararo. Bomorwa Bela e ne e le Esebone le Usi le Usiele le Jerimothe le Iri, tlhogo tse tlhano tsa dikgoro, batlhabani ba ba pelokgale. Lokwalo lwa ditshika tsa bone lwa bala ba le 22 034. Bomorwa Begere e ne e le Semira le Joase le Eliesere le Eleyoenai le Omeri le Jeremothe le Abia le Anathothe le Alemethe; botlhe bao e le bomorwa Begere. Ba ne ba kwalwa lokwalong ka fa tlhomaganong ya bone e le ditlhogo tsa dikgoro le batlhabani ba ba pelokgale ba le 20 200. Morwa Jediaele e ne e le Bilehane; bomorwa Bilehane e le Jeuse le Benyamene le Ehute le Kenaana le Sethane le Tharesise le Ahisahare. Botlhe bao e ne e le bomorwa Jediaele e le ditlhogo tsa dikgoro le batlhabani ba ba pelokgale ba le 17 200 ba ba bololang mephatong go tlhabana. Suphime le Huphime e ne e le bomorwa Ire; Hušime e le morwa Ahere. Bomorwa Nafetale morwa Bileha e ne e le Jahaseele le Kuni le Jesere le Sadume. Bomorwa Manase ke Aseriele le Magire, rraagwe Gileate, ba a ba tshotseng le mogadingwana wa gagwe wa Mosiria. Gileate a tsaya mosadi yo leina la gagwe e leng Maaga, leina la kgaitsadie e le Hamolegethe, la morwa-rraagwe e le Selofehate. Mme Selofehate o ne a na le bomorwadi fela. Maaga mosadi wa ga Gileate a belega morwa, a mo taya leina la Pherese, leina la monnawe e le Serese; bomorwawe e le Ulame le Rekeme. Morwa Ulame e ne e le Betane. Ke bone bomorwa Gileate morwa Magire morwa Manase. Kgaitsadie Hamolegethe a belega Išote le Abiesere le Magala. Bomorwa Semita morwa Gileate e ne e le Ayane le Šegeme le Lekhi le Aniame. Morwa Eferaime e ne e le Suthela, morwawe e le Berete, morwawe e le Thahathe, morwawe e le Eleata, morwawe e le Thahathe, morwawe e le Sabate, bomorwawe e le Suthela le Esere le Eleate. Bao ba ne ba bolawa ke banna ba Gathe, ba e neng e le beng ba lefatshe, ka ba ne ba bolotse go ba amoga diruiwa. Mme rraabo Eferaime a ba hutsafalela malatsi a mantsi, mme bomorwa-rraagwe ba tla go mo gomotsa. A ba a tsena mo mosading wa gagwe, mme a nna moimana a belega morwa, mme monna a mmitsa Beria; gonne go ne go dirafaletse lelapa la gagwe jalo sebakeng sa tatlhego. Morwadie e ne e le Seera; ene a aga Bethorone wa kwa tlase le wa kwa godimo le Usene-Seera. Morwawe e ne e le Refa, morwawe e le Resefe, morwawe e le Thela, morwawe e le Thahane, morwawe e le Laetane, morwawe e le Amihute, morwawe e le Elisama, morwawe e le Nune, morwawe e le Jošua. Boswa jwa bone le magae a bone e ne e le Bethele le metsana ya teng le Naarane kwa botlhabatsatsi le Gesere le metsana ya teng kwa bophirimatsatsi le Šegeme le metsana ya teng go ya go fitlha kwa Aya le metsana ya teng. Magae a boora Manase e ne e le Betšheane le metsana ya teng le Thaenage le metsana ya teng le Megito le metsana ya teng le Dore le metsana ya teng. Ke gona fa go neng go agile bomorwa Josefa morwa Iseraele. Bomorwa Asere e ne e le Imena le Iswa le Iswi le Beria le Sera, kgaitsadia-bone. Bomorwa Beria e ne e le Hebere le Malekhiele; ke ene rraagwe Biresaithe. Mme Hebere a tsala Jafelete le Somere le Hothame le Sua, kgaitsadia-bone. Bomorwa Jafelete e ne e le Phasage le Bimehale le Ašefathe; ke bone bomorwa Jafelete. Bomorwa Semere, morwa-rraagwe, e ne e le Rohaga le Huba le Arame. Bomorwa Hothame, morwa-rraagwe, e ne e le Sofa le Imena le Selese le Amale. Bomorwa Sofa e ne e le Sua le Harenefere le Suale le Beri le Imera le Besere le Hote le Sama le Silesa le Itherane le Beera. Bomorwa Jethere e ne e le Jefune le Fisepha le Ara. Bomorwa Ula e ne e le Ara le Haniele le Risia. Botlhe bao e ne e le boora Asere, e le ditlhogo tsa dikgoro, e le batlhabani ba ba pelokgale ba ba tlhaotsweng, e le ditlhogo tsa baeteledipele. Palo ya bone ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa mephato mo ntweng e ne e le banna ba le 26 000. Benyamene o ne a tsala Bela morwawe wa ntlha, wa bobedi e le Asebele, wa boraro e le Ahara; wa bone e le Noga, wa botlhano e le Rafa. Bela o ne a na le bomorwa, e bong Atare le Gera rraagwe Ehute le Abisua le Naamane le Ahoa le Gera le Sefufane le Hurame. Bomorwa Ehute ke ba: (bone e ne e le ditlhogo tsa dikgoro mo baaging ba Geba; ba ba hudusa ba ba isa kwa Manahathe), mme e ne e le Naamane le Ahiya le Gera yo o neng a ba hudusa – ene a tsala Usa le Ahihute. E rile Saharaime a sena go tlhala Hušime le Baara, basadi ba gagwe, a tsala bana kwa nageng ya Moabe le Hotese mosadi wa gagwe; a tsala Jobabe le Sibja le Meša le Malekame le Jeuse le Sageya le Mirema. Bao e ne e le bomorwawe, e le ditlhogo tsa dikgoro. O ne a tsetse Abitube le Elephaale le Hušime, mosadi wa pele. Bomorwa Elephaale e ne e le Ebere le Miseame le Semete. Ke ene yo o neng a aga Ono le Lote le metsana ya teng. Beria le Sema bone e ne e le ditlhogo tsa dikgoro tsa baagi ba Ayalone; bone ba leleka baagi ba Gathe. Mme Ayo le Sasake le Jeremothe le Sebatya le Arate le Etere le Migaele le Isepha le Joha e ne e le bomorwa Beria. Mme Sebatya le Mesulame le Hisekhi le Hebere le Isemarai le Isedia le Jobabe e ne e le bomorwa Elephaale. Mme Jakime le Sigeri le Sabedi le Elienai le Silethai le Eliele le Ataya le Beraya le Simerathe e ne e le bomorwa Simei. Mme Išephane le Ebere le Eliele le Abetone le Sigeri le Hanane le Hananya le Elame le Anathothia le Efedia le Phenuele e ne e le bomorwa Sasake. Mme Sameserai le Seharia le Athalea le Jaaresia le Elia le Sigeri e ne e le bomorwa Jerohame. Bao e ne e le ditlhogo tsa dikgoro, e le ditlhogo tsa ditshika tsa bone; bao ba ne ba agile kwa Jerusalema. Mme kwa Gibeone go ne go agile Jehuele, rraagwe Gibeone; leina la mosadi wa gagwe e le Maaga. Morwawe wa ntlha e ne e le Abetone, bomonnawe e le Sure le Khiše le Baale le Nere le Natabe le Ketore le Ayo le Segere le Mikelothe. Mme Mikelothe a tsala Šimea. Bao le bone ba ne ba agile le ba ga bone kwa Jerusalema, ba lebaganye le ba ga bone ba ba kwa Gibeone. Mme Nere a tsala Abenere, Khiše a tsala Saule, Saule a tsala Jonathane le Malekhišua le Abinatabe le Esebaale. Mme morwa Jonathane e ne e le Meribaale; Meribaale a tsala Miga. Bomorwa Miga e ne e le Phithone le Melege le Tharea le Ahase. Mme Ahase a tsala Joata; Joata a tsala Alemethe le Asemawethe le Simeri. Mme Simeri a tsala Mosa. Mme Mosa a tsala Binea; morwawe e le Rafa, morwawe e le Eleasa, morwawe e le Asele. Asele o ne a na le bomorwa ba le barataro, maina a bone e le Aserikame le Bogeru le Isemaele le Searia le Obatya le Hanane; botlhe bao e le bomorwa Asele. Bomorwa Eseke, morwa-rraagwe, e ne e le Ulame morwawe wa ntlha, wa bobedi e le Jeuse, wa boraro e le Elifelete. Bomorwa Ulame e ne e le banna ba bagale, bahudi ba mara; ba na le bana le bana ba bana ba bantsi, e bong ba le 150. Botlhe bao e ne e le Babenyamene. Baiseraele botlhe ba ne ba kwalwa mo lokwalong lwa ditshika tsa bone. Kana ba kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele. Mme Bajuta ba tloga ba isiwa botshwarong kwa Babele ka ntlha ya boikanyologo jwa bone. Baagi ba pele ba ba neng ba le mo kabelong ya bone mo metseng ya bone e ne e le Baiseraele le baperesiti le Balefi le badiredi ba Tempele. Mme mo Jerusalema go ne go agile bangwe ba Bajuta le ba Babenyamene le ba Baeferaime le ba Bamanase. Ba Bajuta e ne e le Uthai morwa Amihute morwa Omeri morwa Imeri morwa Bani wa boora Pherese morwa Juta. Boora Sela morwa Juta e ne e le Asaya motsalwapele le bomorwawe. Ba ga gabo Sera morwa Juta e ne e le boJehuele le bomorwa-rraabo. Mmogo ba le 690. Ba Babenyamene e ne e le Salo morwa Mesulame morwa Hotafia morwa Hasenua, le Ibenia morwa Jerohame le Ela morwa Usi morwa Migeri le Mesulame morwa Sefatya morwa Rehuele morwa Ibenia le ba ga bone ka fa tlhomaganong ya bone, mmogo ba le 956. Banna botlhe bao e ne e le ditlhogo tsa dikgoro mo ditshikeng tsa bone. Ba baperesiti e ne e le Jetaya le Joyaribe la Jagine le Asaria morwa Hilekia morwa Mesulame morwa Satoke morwa Merayothe morwa Ahitube moperesiti yo mogolo wa Ntlo ya Modimo; le Ataya morwa Jerohame morwa Phašure morwa Malekhia le Maesai morwa Adiele morwa Jasera morwa Mesulame morwa Mesilemithe morwa Imere le ba ga bone, ditlhogo tsa dikgoro tsa bone, mmogo ba le 1 760 banna ba ba tlhalefetseng tirelo mo Ntlong ya Modimo. Ba Balefi e ne e le Semaya morwa Hašube morwa Aserikame morwa Hasabja wa boora Merari le Bakabakare le Herese le Galale le Mathanya morwa Miga morwa Sigeri morwa Asafe le Obatya morwa Semaya morwa Galale morwa Jeduthune morwa Beregia morwa Asa morwa Elekana yo o neng a agile mo metsaneng ya Banetofa. Badisa ba dikgoro e ne e le Sadume le Akhube le Talemone le Ahimane le ba ga bone. Sadume ke tlhogo ya bone, mme o disa kwa kgorong ya botlhabatsatsi ya kgosi go fitlha kajeno. Ke bone badisa ba dikgoro tsa mathibelelo a Balefi. Mme Sadume morwa Kore morwa Ebjasafe morwa Kora le ba ga gabo ba lelapa la ga rraagwe ba ga gabo Kora ba ne ba dirilwe baokamedi ba tirelo eo, e le badisa ba mejako ya tente, ka borraabo ba ne ba okametse bothibelelo jwa Morena, e le badisa ba kgoro. Mo metlheng ya pele Phinehase morwa Eleasare e ne e le moeteledipele yo o ba okametseng. – A Morena a nne nae! Sagaria morwa Meselemia e ne e le modisa wa mojako wa Tente ya Boipontsho. Bone botlhe ba ba neng ba tlhaotswe go nna badisa ba mejako ba ne ba le 212; ba kwalwa mo lokwalong lwa ditshika tsa bone mo metsaneng ya ga bone. Dafita le Samuele wa Mmoni ba ne ba ba tlhomamisa mo tshwanelong ya tiso ya bone. Bone le bomorwaa-bone ba ne ba okametse dikgoro tsa ntlo ya Morena, e bong tsa ntlo ya tente go di disa. Badisa ba dikgoro ba ne ba tshwanetse go nna mo ntlheng tse nne kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi le kwa bokone le kwa borwa. Ba ga bone ba ba neng ba nna mo metsaneng ya bone ba ne ba tshwanetse go tla go disa nabo malatsi a supa ka dipaka tsa teng. Mme badisa ba bane ba bagolo ba dikgoro bone ba ne ba tshwanetse go disa ka metlha. Balefi ba bangwe ba ne ba okametse matlwana a Ntlo ya Modimo le mahumo a yona. Ba ne ba lala mo tikologong ya Ntlo ya Modimo, ka ba ne ba na le go disa; le gona ba tshotse selotlele go e bula mo mosong mongwe le mongwe. Bangwe ba bone e ne e le batlhokomedi ba didiri tsa tirelo. Kana ba ne ba tshwanetse go di boloka di badilwe le go di ntsha gape di badilwe. Ba bangwe ba bone ba ne ba dirilwe baokamedi ba dijana, ba dijana tsa mefutafuta tse di boitshepo le ba bupe jo bo boleta le weine le lookwane le musi wa maswalo le makga. Bangwe ba bomorwa baperesiti ba ne ba tlhakanya setlolo ka makga a mefutafuta. Mme Mathitya mongwe wa Balefi morwa wa ntlha wa ga Sadume wa ga gabo Kora e ne e le mookamedi wa baapei. Bangwe ba ga gabo Kahathe ba ne ba okametse dinkgwe tsa tshupo; ba na le go di baakanya ka Sabata mongwe le mongwe. Go ne go le baopedi ditlhogo tsa dikgoro tsa Balefi, ba nna mo matlwaneng a Tempele, ba golotswe mo tirong tse dingwe, ka ba tshwaregile ka tiro ya bone bosigo le motshegare. Ke bone ditlhogo tsa dikgoro tsa Balefi ka fa tlhomaganong ya bone; ba ne ba agile kwa Jerusalema. Mme kwa Gibeone go ne go agile Jehuele rraagwe Gibeone – leina la mosadi wa gagwe e le Maaga – le morwawe wa ntlha Abetone le bomonnawe Sure le Khiše le Baale le Nere le Natabe le Ketore le Ayo le Sagaria le Mikelothe. Mme Mikelothe a tsala Simeame; bao le bone ba ne ba agile le ba ga bone kwa Jerusalema, ba lebaganye le ba ga bone ba ba kwa Gibeone. Mme Nere a tsala Abenere, Khiše a tsala Saule, Saule a tsala Jonathane le Malekhišua le Abinatabe le Esebaale. Morwa Jonathane e ne e le Meribaale, mme Meribaale a tsala Miga. Bomorwa Miga e ne e le Phithone le Melege le Tharea le Ahase. Ahase a tsala Jaera. Jaera a tsala Alemethe le Asemawethe le Simeri; Simeri a tsala Mosa. Mosa a tsala Binea; morwawe e le Refaya, morwawe e le Eleasa, morwawe e le Asele. Asele o ne a na le bomorwa ba le barataro. Maina a bone ke a: Aserikame le Bogeru le Isemaele le Searia le Obatya le Hanane. Ke bone bomorwa Asele. Bafelesita ba kile ba tlhabana le Baiseraele, mme banna ba Iseraele ba tshaba ba lelekwa ke Bafelesita, ba bolawa ba wela mo dithabeng tsa Gileboa. Mme Bafelesita ba khutšhela Saule le bomorwawe, ba bolaya Jonathane le Abinatabe le Malekhišua bomorwa Saule. Jaanong ya re tlhabano e ketefalela Saule, mme ba ba hulang ka mara ba mmona, a tlalelwa thata ka ntlha ya bahudi. Ke fa Saule a raya morwala-dibolai wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yona, e se re gongwe ga tla ba ba sa rupang bale ba ntirela ka tshotlo.” Mme morwala-dibolai wa gagwe a gana, ka a boifa thata. Ke fa Saule a tsaya tšhaka a itigela mo go yona. Ya re morwala-dibolai wa gagwe a bona Saule a sule le ene a itigela mo tšhakeng ya gagwe, a swa. Saule a swa jalo le bomorwawe ba bararo le botlhe ba lapa la gagwe, ba swa mmogo. Ya re banna botlhe ba Iseraele ba kwa lebaleng ba bona Baiseraele ba tshabile le Saule le bomorwawe ba sule, ba tlogela metse ya bone, ba tshaba; ga tla Bafelesita ba nna mo go yona. Ya re kamoso Bafelesita ba tla go thukhutha ba ba bolailweng dilo, ba fitlhela Saule le bomorwawe ba namaletse mo dithabeng tsa Gileboa; ba mo thukhutha, ba tsaya tlhogo ya gagwe le dibolai tsa gagwe, ba di romela kwa lefatsheng la Bafelesita ntlheng tsotlhe, e le go bolelela medimo ya bone le morafe mafoko a phenyo. Ba baya dibolai tsa gagwe mo ntlong ya ga Dagone modimo wa bone, logata lwa gagwe le lone ba lo kokotela mo go yona. E rile baagi botlhe ba Jabese kwa Gileate ba utlwela tsotlhe tse Bafelesita ba di diretseng Saule, ga nanoga banna botlhe ba ba pelokgale, ba tsaya serepa sa ga Saule le tsa bomorwawe, ba di isa kwa Jabese, ba fitlha marapo a bone fa tlase ga mooka kwa Jabese, ba itima dijo malatsi a supa. Saule a swela jalo mo boikanyologong jwa gagwe jo o neng a leofetse Morena ka jona ka ntlha ya lefoko la Morena le a se kang a le tshegetsa; le gona ka ntlha ya go botsa mowa wa moswi go batla kgakololo. Mme a se ka a batla kgakololo mo Moreneng. Ka moo Morena a mo gogela losong, mme a sokololela bogosi kwa go Dafita morwa Isai. Morago ga moo Baiseraele botlhe ba phuthegela kwa go Dafita kwa Heberone ba re: “Kana re lesapo la gago le nama ya gago! O sa le o bolotsa Baiseraele le go ba gorosa, Saule a sa le kgosi. E bile Morena, Modimo wa gago, o go laetse wa re: ‘Wena o tla fudisa morafe wa me wa Iseraele, o nna moetapele wa ona, o o busa.’ ” Ga ba ga tla bagolo botlhe ba Iseraele kwa kgosing kwa Heberone, mme Dafita a dira kgolagano nabo kwa Heberone fa pele ga Morena. Ba be ba tlotsa Dafita go nna kgosi ya Iseraele ka fa lefokong la Morena le o le buileng ka Samuele. Morago ga moo Dafita a ya kwa Jerusalema yo e neng e le Jebusi, a na le Baiseraele botlhe. Teng go ne go agile Bajebusi mo lefatsheng leo. Mme baagi ba Jebusi ba raya Dafita ba re: “Ga o kitla o tsena ka mo!” Mme Dafita a thopa thaba e e femetsweng ya Sione. Ke yona tshimologo ya motse wa ga Dafita. Dafita o ne a buile a re: “Mangmang yo o ka fenyang Bajebusi e le wa ntlha o tla nna tlhogo le kgosana.” Mme Joabe morwa Seruya a palama pele, a nna tlhogo ya mephato. Jaanong Dafita a nna mo thabeng e e femetsweng; ke ka moo e bidiwang motse wa ga Dafita. Dafita a ba a agelela motse mo tikologong go tloga kagong ya phemelo ya Milo go ya go o dikologa otlhe. Joabe ene a tsosa dikarolo tse di senyegileng tsa motse. Mme Dafita a nna a tia, ka Morena wa masomosomo a na nae. Ba ke ditlhogo tsa bagale ba ga Dafita ba ba neng ba mo emela thata gore a bone bogosi, ba na le Baiseraele botlhe gore ba mo dire kgosi ka fa lefokong la Morena ka ga Iseraele. Palo ya bagale ba ga Dafita ke e: Jasobeame morwa Hagemoni, tlhogo ya ba bararo. Ene o kile a kgadikanya lerumo la gagwe godimo ga ba le 300 ba ba bolailweng ka nako e le nngwe. A tlhomagannwa ke Eleasare morwa Doto wa kwa Ahohi; yoo e ne e le mongwe wa bagale ba bararo. O ne a na le Dafita kwa Phase-Damime kwa Bafelesita ba phuthegetseng teng go tlhabana. Mme go ne go le tshimo e e lemilweng e e tletseng garase. Jaanong ya re batho ba tshaba Bafelesita, ene a ikemisa mo gare ga tshimo eo a e amoga baba, a bolaya Bafelesita, mme Morena a ba naya phenyo e kgolo ka ene. Ba le bararo ba ditlhogo di le 30 tsa bagale ba kile ba fologa, ba fitlha kwa go Dafita a le kwa lefikeng mo logageng lwa Adulame, mme bothibelelo jwa Bafelesita bo le kwa lebaleng la Refaime. Ka sebaka seo Dafita o ne a le kwa thabeng e e femetsweng, mme balebedi ba puso ya Bafelesita ba le kwa Betleheme. Foo Dafita a utlwa lenyora, mme a re: “Ke mang yo o ka nnosang metsi a a tswang go gelelwa kwa mokweleng o o fa kgorong ya Betleheme?” Ke fa ba bararo ba, ba sutlhelela bothibelelo jwa Bafelesita, ba gelela metsi mo mokweleng o o fa kgorong ya Betleheme, ba a tsaya ba a isa kwa go Dafita, mme Dafita a gana go a nwa, mme a a tshololela Morena a re: “A Modimo wa me o nthibele go ka dira jalo! A nka nwa madi a banna bao ba ba tsentseng maphelo a bone mo kotsing?” Mme a gana go a nwa. Bagale ba bararo ba dirile jalo. Abisai monnaa Joabe e ne e le tlhogo ya ba bararo; o kile a kgadikanya lerumo la gagwe godimo ga ba le 300 ba o neng a ba bolaya, mme o ne a tumile mo go ba bararo. Mo go ba bararo o ne a tlotlega bogolo go ba babedi, a nna molaodi wa bone, mme a se ka a lekana le ba bararo ba pele. Benaya morwa Joyata morwa monna wa senatla wa ditiro tse dikgolo wa kwa Kapsheele ene a bolaya bagale ba babedi ba Moabe; a ba a fologa a bolaela tau mo mokweleng ka letsatsi la semathana. E bile ke ene yo o kileng a bolaya Moegepeto, monna wa boleele jwa mabogo a le matlhano; Moegepeto a tshotse lerumo le lore lwa lone lo leng kana ka mosipuri wa balogi, mme Benaya a ya kwa go ene ka thobane fela, a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto, a mmolaya ka lone lerumo leo la gagwe. Ke tsona tse di dirilweng ke Benaya morwa Joyata; o ne a tumile mo bagaleng ba bararo. Kana o ne a tlotlega bogolo go ba ba 30, mme a se ka a lekana le ba bararo bale. Mme Dafita a mo dira molaodi wa bafemedi ba gagwe. Bagale ba bangwe ba pelokgale e ne e le Asahele monnaa Joabe le Elehanane morwa Doto wa kwa Betleheme; le Samothe wa kwa Harote le Helese wa kwa Phelone le Ira morwa Ikese wa kwa Thekoa le Abiesere wa kwa Anathothe le Sibegai wa kwa Huša le Ilai wa kwa Ahohi le Maharai wa kwa Netofa le Helete morwa Baana wa kwa Netofa le Ithai morwa Ribai wa kwa Gibea wa Babenyamene le Benaya wa kwa Phirathone le Hurai wa kwa Nagale-Gaaše le Abiele wa kwa Areba le Asemawethe wa kwa Baharume le Eliaba wa kwa Saalebone le bomorwa Haseme wa kwa Gisone le Jonathane morwa Sage wa kwa Harari le Ahiame morwa Sagare wa kwa Harari le Elifale morwa Ure le Hefere wa kwa Megera le Ahia wa kwa Phelone le Hesero wa kwa Karemele le Naarai morwa Esebai le Joele morwa rraagwe Nathane le Mibegare morwa Hageri le Seleke wa Moamone le Naharai wa kwa Beerothe, morwala-dibolai wa ga Joabe morwa Seruya, le Ira wa Moithere le Garebe wa Moithere le Uria wa Mohethe le Sabate morwa Ahelai le Adina morwa Sisa wa Morubene, tlhogo ya Barubene, a na le ba le 30; le Hanane morwa Maaga le Josafate wa kwa Methene le Usia wa kwa Asethera le Sama le Jehiele, bomorwa Hothame wa kwa Aroere; le Jediaele morwa Simeri le Joha morwa-rraagwe, ba kwa Thisa; le Eliele wa kwa Mahawime le Jeribai le Josabja bomorwa Elenaame le Ithema wa kwa Moabe le Eliele le Obete le Jaasiele wa kwa Mesobaya. Ba ke ba ba neng ba tla kwa go Dafita kwa Sitlage fa a sa ntse a lelekwa ke Saule morwa Khiše. Le bone e ne e le bagale ba ba thusitseng mo ntweng. Ba ne ba tshotse mara, ba itse go konopa ka seragamajwe le go hula metsu ka bora ka letsogo le le jang le ka la molema. Ba ga gabo Saule ba Babenyamene e ne e le ba: Ahiesere yo e leng tlhogo le Joase morwa Semaa wa kwa Gibea; le Jesiele le Phelete bomorwa Asemawethe le Beraga le Jehu wa kwa Anathothe; le Isemaya wa kwa Gibeone mogale mo go ba ba 30 le molaodi wa ba ba 30; le Jeremia le Jahasiele le Johanane le Josabate wa kwa Ketera le Elusai le Jerimothe le Bealea le Semaria le Sefatya wa kwa Harufe le Elekana le Isia le Asarele le Joesere le Jasobeame ba ga gabo Kora; le Joela le Sebatya bomorwa Jerohame wa kwa Ketore. Le bangwe ba Bagate ba itomololela kwa go Dafita kwa thabeng e e femetsweng sekakeng, e le bagale ba ba pelokgale, banna ba mephato ba ba itseng go tlhabana ba ba tshwereng thebe le lerumo, ba le difatlhego tsa tau, ba le lebelo jaaka mefele kwa dithabeng. Esere e ne e le tlhogo, wa bobedi e le Obatya, wa boraro e le Eliabe, wa bone e le Misemana, wa botlhano e le Jeremia, wa borataro e le Athai, wa bosupa e le Eliele, wa robedi e le Johanane, wa robongwe e le Elesabate, wa some e le Jeremia, wa some nngwe e le Magebanai. Bao e ne e le Bagate, e le ditlhogo tsa mephato; yo mmotlana wa bona a kgona ba le lekgolo, yo mogolo a kgona ba le sekete. Ke bone ba ba neng ba tshela noka ya Joretane e tletse dintshing tsotlhe, e bile e tlhatsa ka kgwedi ya ntlha, ba leleka baagi botlhe ba megorogoro ntlheng ya botlhabatsatsi le ntlheng ya bophirima. Le gona ga tla bangwe ba Babenyamene le ba Bajuta kwa thabeng e e femetsweng kwa go Dafita. Ke fa Dafita a ba kgatlhantsha, a simolola go bua a ba raya a re: “Fa lo tsile kwano go nna ka kagiso go nthusa, foo ke tla ikopanya le lona ka pelo, mme fa e le go nkoka le go nneela mo diatleng tsa baba ba me, le fa go se na tshiamololo mo diatleng tsa me, gona a Modimo wa borraarona o go bone o lo betse.” Ke fa Amasai tlhogo ya ba ba 30 a tsenwa ke Mowa a re: “Re ba gago, Dafita, re na nao, morwa Isai. Kagiso, kagiso a e nne nao; a kagiso e nne le ba ba go thusang; gonne Modimo wa gago o go thusitse.” Jaanong Dafita a ba amogela a ba dira ditlhogo tsa masomo a batlhabani. Le bangwe ba Bamanase ba tla ba ineela mo go Dafita, jale fa a tla le Bafelesita, ba tla go tlhabana le Saule, mme a se ka a ba thusa. Ka gonne dikgosana tsa Bafelesita di ne tsa mo naya tsela ka go belaela gore, e ka nna go kgaolwa ditlhogo, fa a ka ineela Saule morena wa gagwe. Ba Bamanase ba ba neng ba mo ineela, fa a boela kwa Sitlage, e ne e le Atena le Josabate le Jediaele le Migaele le Josabate le Elihu le Silethai, ditlhogo tsa ditshika tsa Bamanase. Bone ba thusa Dafita go tlhabana le lesomo la baba, e bong Baamaleke; gonne e ne e le bagale ba ba pelokgale botlhe, mme ba nna balaodi ba mephato. Gonne ka letsatsi lengwe le lengwe go ne go ntse go tla bangwe go mo thusa, ga tsamaya ga nna mephato e e masomosomo jaaka masomosomo a Modimo. Dipalo tsa mephato ya ba ba tlhomeletseng ntwa ba ba neng ba tla kwa go Dafita kwa Heberone go sokololela bogosi jwa ga Saule mo go ene ka fa lefokong la Morena ke tse: Bajuta ba ba tshotseng thebe le lerumo ba ne ba le 6 800 ba tlhomeletse ntwa. Bagale ba ba pelokgale ntweng ba Basimeone ba ne ba le 7 100. Ba Balefi ba ne ba le 4 600; ba tla ba na le Joyata moeteledipele wa ba ga Arone a na le 3 700, le Satoke, lekau, mogale yo o pelokgale le ba kgotla ya ga rraagwe, e le balaodi ba le 22. Ba ga gabo Saule ba Babenyamene ba ne ba le 3 000; kana go fitlha foo bontsi jwa bone bo ntse bo goga le ba kgotla ya ga Saule. Batlhabani ba ba pelokgale, banna ba ba tumileng mo dikgorong tsa bone ba Baeferaime, ba ne ba le 20 800. Ba bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba ne ba le 18 000, ba tlhaotswe ka maina gore ba ye go dira Dafita kgosi. Ba Baisašare ba ba neng ba tlhaloganya dipaka go ka itse se Baiseraele ba tshwanetseng go se dira ka nako le nako ditlhogo tsa bone di ne di le 200, mme ba ga tsona botlhe ba le mo taolong ya tsona. Ba ba nonofetseng ntwa ba Basebulone ba ba rulaganyeditsweng tlhabano ba ba tlhomeletseng tlhabano ka dibolai tsa mefutafuta ba ne ba le 50 000, ba tla go thusa ba se pelo-pedi. Balaodi ba Banafetale ba ne ba le 1 000, ba na le banna ba le 37 000 ba ba tshotseng thebe le lerumo. Ba ba rulaganyeditsweng tlhabano ba Badane ba ne ba le 28 600. Ba ba nonofetseng ntwa go ka ikemisetsa tlhabano ba Baasere ba ne ba le 40 000. Ba kwa moseja ga Joretane ba Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba ne ba le 120 000, ba tlhomeletse tlhabano ka dibolai tsa mefutafuta. Batlhabani botlhe bao ba ba ikemisitseng ka thulaganyo ba tla kwa Heberone ka pelo yotlhe go dira Dafita kgosi ya Baiseraele botlhe; le Baiseraele botlhe ba bangwe ba ne ba ikaeletse go dira Dafita kgosi ka bongwefela jwa pelo. Ba ne ba na le Dafita gona malatsi a le mararo, ba a ja, ba a nwa; gonne ba ga bone ba ne ba ba etleeleditse dijo. Le gona ba ba gaufi nabo go fitlha kwa go Baisašare le Basebulone le Banafetale ba ne ba tlisa dijo ka diesele le dikammele le meboulwe le dipholo, e le dijo tsa bupe le dinkgwe tsa difeie le tsa maswabi a moweine le weine le lookwane le bontsi jwa dikgomo le difutshane; gonne go ne go le boitumelo mo Baiseraeleng. Jaanong Dafita a gakololana le balaodi ba dikete le ba makgolo le baetapele botlhe. Dafita a ba a raya phuthego yotlhe ya Baiseraele a re: “Fa go lo siametse le Morena, Modimo wa rona, o rata jalo, a re romeng go bitsa ba ga rona ba ba setseng mo dinageng tsotlhe tsa Iseraele le baperesiti le Balefi nabo kwa metseng ya mafulo a bone gore ba phuthegele go rona re be re ye go tsaya Letlole la Modimo wa rona, le tle kwano go rona; gonne ga re a ka ra le ela tlhoko ka malatsi a ga Saule.” Phuthego yotlhe ya re: “A go dirwe jalo!” Gonne tiro eo e ne e siame mo matlhong a morafe otlhe. Ke fa Dafita a kgobokanya Baiseraele botlhe go tloga nokeng ya Sigore ya Egepeto go ya go fitlha kwa Hamathe gore ba tsee Letlole la Modimo kwa Khiriathe-Jearime. Dafita a ba a bolola a na le Baiseraele botlhe, ba ya kwa Baala, ke kwa Khiriathe-Jearime yo e leng wa Juta, go tsaya teng Letlole la Modimo le le biditsweng ka leina la Morena yo o ntseng kwa godimo ga boKerubime. Mme ba pega Letlole la Modimo mo koloing e ntšhwa, ba e tlosa kwa ntlong ya ga Abinatabe, mme Usa le Ayo ba kgweetsa koloi. Mme Dafita le Baiseraele botlhe ba bina fa pele ga Modimo ka thata yotlhe, e le ka difela le ka dikwadi le ka diharepa le ka meropana le ka matlhao-a-mabogo le ka diphala. Jaanong ya re ba fitlha kwa seboaneng sa ga Khitone, Usa a ntsha letsogo, a tshwara Letlole, a bona dipholo di batla go le diga. Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Usa, mme a mo itaya, ka a beile letsogo mo Letloleng, mo a bileng a swela teng fa pele ga Modimo. Mme Dafita a tlalelwa, ka Morena a gagotse Usa; felo foo ga bidiwa Pherese-Usa go fitlha letsatsing leno. Dafita a ba a boifa Modimo ka letsatsi leo a re: “Nka tlisa jang Letlole la Modimo kwa go nna?” Ke ka moo Dafita a se kang a isa Letlole kwa ga gagwe kwa motseng wa ga Dafita, mme a le faposetsa kwa ntlong ya ga Obete-Etomo wa kwa Gathe-Rimone. Mme Letlole la Modimo la nna dikgwedi tse tharo mo lapeng la ga Obete-Etomo mo ntlong ya gagwe. Mme Morena a tshegofatsa lelapa la ga Obete-Etomo le tsotlhe tse o neng a na natso. Jaanong Hirame kgosi ya Tiro a roma barongwi kwa go Dafita, a ba a romela le dikgong tsa mesetere le babopedi ba dipota le babetli ba dikgong gore ba mo agele ntlo. Dafita o na a lemoga jalo, fa Morena a mo tlhomamisitse go nna kgosi ya Iseraele, a bile a tlotlomatsa bogosi jwa gagwe ka ntlha ya morafe wa gagwe wa Iseraele. Dafita a tswelela go tsaya basadi ba bangwe gape a le mo Jerusalema; a ba a tsala bomorwa le bomorwadi gape. Maina a bona ba o ba belegetsweng kwa Jerusalema ke a: Samua le Sobabe le Nathane le Salomo le Ibegare le Elisua le Elephelete le Noga le Nefege le Jafia le Elisama le Beleyata le Elifelete. E rile Bafelesita ba utlwa go twe, Dafita o tloditswe go nna kgosi ya Baiseraele botlhe, ba bolola botlhe go mmatla; ya re a utlwa jalo, a bolola go ba kgatlhantsha. Bafelesita ba tla ba anama mo lebaleng la Refaime. Ke fa Dafita a botsa Modimo a re: “A ke bololele Bafelesita? A o tla ba neela mo diatleng tsa me?” Morena a mo raya a re: “Bolola, ke tla ba neela mo diatleng tsa gago.” Jaanong ya re Bafelesita ba bolola kwa Baale-Pherasime, Dafita a ba fenya teng; a ba a re: “Modimo o gogotse baba ba me ka letsogo la me jaaka go gogola metsi.” Ke ka moo felo foo go teilweng leina la Baale-Pherasime. Ba tlogela medimo ya bone teng, mme Dafita a laela gore e fisiwe ka molelo. Mme Bafelesita ba boelela ba anama mo lebaleng. Ya re Dafita a botsa Modimo gape, wa mo raya wa re: “O se ka wa bolola go ba latelela; ba pote ka fa, o ba tlhasele ntlheng ya ditlhatshana tsa boroku. Mme e re ò utlwa mosumo wa dikgato mo godimo ga ditlhatshana tsa boroku foo o bolole go ya go tlhabana; gonne Modimo o tla bo o bolotse o go eteletse pele go fenya mephato ya Bafelesita.” Dafita a dira ka fa Modimo o mo laetseng ka teng. Ba fenya mephato ya Bafelesita go tloga kwa Gibeone go fitlha kwa Gesere. Tumo ya ga Dafita ya utlwala kwa mafatsheng otlhe. Morena a dira gore ditšhaba tsotlhe di mmoife. Dafita a ba a ikagela matlo mo motseng wa gagwe, a ba a baakanyetsa Letlole la Modimo felo, a le tlhomela tente. Ka nako eo Dafita a laela a re: “Letlole la Modimo le se ka la sikarwa ke ope fa e se Balefi fela; gonne ke bone ba Morena o ba tlhaotseng go sikara Letlole la Morena le go mo direla ka metlha yotlhe.” Jaanong Dafita a phuthela Baiseraele botlhe kwa Jerusalema gore Letlole la Morena le isiwe kwa felong ga lone mo a go le baakanyeditseng. Dafita a ba a kgobokanya ba ga gabo Arone le Balefi: Ba ga gabo Kahathe e ne e le Uriele yo mogolo le ba ga gabo ba le 120. Ba ga gabo Merari e ne e le Asaya yo mogolo le ba ga gabo ba le 220. Ba ga gabo Geresone e ne e le Joele yo mogolo le ba ga gabo ba le 130. Ba ga gabo Elisafane e ne e le Semaya yo mogolo le ba ga gabo ba le 200. Ba ga gabo Heberone e ne e le Eliele yo mogolo le ba ga gabo ba le 80. Ba ga gabo Usiele e ne e le Aminatabe yo mogolo le ba ga gabo ba le 112. Dafita a ba a bitsa baperesiti Satoke le Abjathare le Balefi Uriele le Asaya le Joele le Semaya le Eliele le Aminatabe, a ba raya a re: “Lona lo ditlhogo tsa dikgoro tsa Balefi. Itireng boitshepo, lona le ba ga lona gore lo ise Letlole la Morena, Modimo wa Iseraele, kwa felong fa ke go le baakanyeditseng. E re ka ga ntlha lo ne lo se yo go ka le sikara, ke ka moo Morena, Modimo wa rona, o ne wa dira kgagolo mo go rona, gonne re ne re sa mmatla ka tshwanelo.” Mme baperesiti le Balefi ba iitshepisa gore ba ye go tsaya Letlole la Morena, Modimo wa Iseraele. Balefi ba feta ba sikara Letlole la Modimo ka disikari mo magetleng a bone, lone ba sa le ame jaaka go ne go laetse Moše ka fa lefokong la Morena. Dafita a ba a laela ba bagolo ba Balefi gore ba emise ba ga bone ba e leng baopedi ba tshotse diletso, e bong diharepa le dikwadi le matlhao-a-mabogo gore ba utlwatse ditumo tsa boitumelo ka go tlhatlosa mantswe. Mme Balefi ba emisa Hemane morwa Joele le Asafe morwa Beregia wa ba ga gabo le Ethane morwa Khusaya wa ba ga gabo Merari, ba e leng ba ga bone. Ba ga bone ba thulaganyo ya bobedi ba nna nabo, e bong Sagaria le Jaasiele le Semiramothe le Jehiele le Uni le Eliabe le Benaya le Maaseya le Mathitya le Elifele le Mikeneya, le Obete-Etomo le Jegiele badisa ba kgoro. Baopedi Hemane le Asafe le Ethane ba ne ba tshotse matlhao a kgotlho a mabogo, ba a letsa. Mme Sagaria le Asiele le Semiramothe le Jehiele le Uni le Eliabe le Maaseya le Benaya ba ne ba tshotse diharepa go opedisa lentswe la ntlha. Mme Mathitya le Elifele le Mikeneya le Obete-Etomo le Jegiele le Asasia ba tshotse dikgwadi go opedisa moporo. Mme Kenanya, yo mogolo wa Balefi, o ne a okametse kopelo, a ruta go opela sentle, ka a ne a le setswerere. Mme Beregia le Elekana e ne e le badisa ba mojako fa Letloleng. Mme baperesiti Sebanya le Josafate le Nethanele le Amasai le Sagaria le Benaya le Eliesere ba letsa diphala fa pele ga Letlole la Modimo. Le Obete-Etomo le Jehia e ne e le badisa ba mojako fa Letloleng. Jaanong Dafita le bagolo ba Iseraele le balaodi ba dikete ba ya go tsaya Letlole la Kgolagano ya Morena kwa ntlong ya ga Obete-Etomo ka boitumelo. Mme e re ka Modimo o ne o thusa Balefi ba ba neng ba sikere Letlole la Kgolagano ya Morena, ga dirwa ditlhabelo tsa dipoo di supa le diphelehu di supa. Dafita o ne a apere kobo e e boleta ya letseta, le Balefi botlhe ba apere jalo ba ba neng ba sikere Letlole le baopedi le Kenanya mookamedi wa kopelo ya baopedi. Dafita a bile a apere khiba ya boperesiti ya lesela le lesweu. Baiseraele botlhe ba ne ba etleetsa Letlole la Kgolagano ya Morena ka tuduetso le tumo ya dinaka le ka diphala le ka matlhao-a-mabogo, ba ntse ba utlwatsa ditumo tsa diharepa le dikwadi. E rile Letlole la Kgolagano ya Morena le fitlha kwa motseng wa ga Dafita, Migale morwadia Saule a okomela ka fenstere, a bona kgosi Dafita a tlola a bina, mme a mo nyatsa mo pelong ya gagwe. Ya re ba sena go fitlhisa Letlole la Modimo, ba le baya mo teng ga tente e Dafita o neng a e le tlhometse, ba feta ba tlisa ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo fa pele ga Modimo. Ya re Dafita a sena go dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, a tshegofatsa morafe ka leina la Morena. A ba a abela mongwe le mongwe wa Baiseraele, banna le basadi, senkgwe se le sengwe le nama le senkgwana sa maswabi a moweine. Mme bangwe ba Balefi a ba dira badiredi fa pele ga Letlole la Morena gore ba tumise Morena, Modimo wa Iseraele, ba o leboge ba o bake: E bong Asafe yo e leng tlhogo le Sagaria yo o tlhomaganang nae le Jehuele le Semiramothe le Jehiele le Mathitya le Eliabe le Benaya le Obete-Etomo le Jegiele ba tshotse diletso tsa diharepa le dikwadi, mme Asafe a letsa matlhao-a-mabogo. Mme baperesiti Benaya le Jahasiele ba nna ba letsa diphala ka metlha fa pele ga Letlole la Kgolagano ya Modimo. E ne e le ga ntlha ka letsatsi leo, fa Dafita a opedisa Asafe le ba ga gabo “Lebogang Morena.” Lebogang Morena, bitsang leina la gagwe, utlwatsang ditiro tsa gagwe mo merafeng. Mo opeleleng, mo leletseng, akanyang dikgakgamatso tsotlhe tsa gagwe. Ikgantsheng ka leina le le boitshepo la gagwe; a go itumele dipelo tsa ba ba batlang Morena. Elang Morena tlhoko le thata ya gagwe, lo nne lo batle sefatlhego sa gagwe ka gale. Gopolang dikgakgamatso tsa gagwe tse o di dirileng ditshupo tsa metlholo tsa gagwe le dikatlholo tsa molomo wa gagwe, lona bana ba ga Iseraele motlhanka wa gagwe, lona bomorwa Jakobe, baitlhophelwi ba gagwe. Morena ke ene Modimo wa rona; dikatlholo tsa gagwe di mo lefatsheng lotlhe. Gopolang kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng le lefoko le o le laetseng ditshika di le sekete; kgolagano e o e dirileng le Aborahame le ikano e o e ikanetseng Isaka. A e beela Jakobe molao le Iseraele kgolagano e e sa khutleng, fa a re: “Ke tla go naya lefatshe la Kanana go nna kabelo ya boswa jwa lona;” jale fa ba sa le bannye mo palong, ba se kae, ba jaka mo go lone. Ba itsamaela, ba tswa setšhabeng ba ya setšhabeng, ba tlogela bogosi bongwe ba ya kwa morafeng o mongwe. A se ka a letlelela ope go ba gatelela, a betsa dikgosi ka ntlha ya bone a re: “Lo se ka lwa ama batlodiwa ba me le e seng go direla baporofeti ba me bosula.” Opelelang Morena, lona ba lefatshe lotlhe; utlwatsang boitumelo jwa pholoso ya gagwe ka letsatsi le letsatsi. Bolelang kgalalelo ya gagwe mo ditšhabeng le dikgakgamatso tsa gagwe mo merafeng yotlhe. Gonne Morena o mogolo, o tshwanetse go bakwa segolo; o bile o a boitshega bogolo go medimo yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya merafe ke ditshwantsho fela, mme Morena o dirile legodimo. Borena le kgalalelo di fa pele ga sefatlhego sa gagwe; nonofo le boitumelo di mo felong ga gagwe. Lona ditshika tsa merafe, neelang Morena, lo neele Morena tlotlo le thata. Neelang Morena tlotlo ya leina la gagwe; tlisang tshupelo, lo tle fa pele ga sefatlhego sa gagwe; obamelang Morena lo kgabile ka boitshepo. Tlakaselang fa pele ga gagwe, lona ba lefatshe lotlhe; kana lefatshe le tlhomame, ga le reketle. A magodimo a itumele, a lefatshe le ipele! A go buiwe mo ditšhabeng go twe: “Kgosi ke Morena!” A lewatle le sume le tse di tletseng mo go lone! A naga e duduetse le tsotlhe tse di mo go yona! Foo ditlhare tsa sekgwa di tla ipela fa pele ga Morena; gonne o e tla go atlhola lefatshe. Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. E reng: “Re pholose, Modimo wa pholoso ya rona; re phuthe, re golole mo ditšhabeng gore re leboge leina le le boitshepo la gago, re ipelafatse ka go baka wena.” A go tumisiwe Morena Modimo wa Iseraele go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng! Ke fa batho botlhe ba re: “Amen! Baka Morena!” Mme Dafita a tlogela Asafe le ba ga gabo gona fa pele ga Letlole la Kgolagano ya Morena gore ba nne ba direle fa pele ga Letlole ka gale ka fa go batlegang ka teng ka letsatsi le letsatsi. Mme Obete-Etomo morwa Jeduthune le Hosa le ba ga bone, banna ba le 68, a ba dira badisa ba mojako. A ba a tlogela Satoke moperesiti le ba ga gabo ba e leng baperesiti fa pele ga Tente ya Boipontsho ya Morena kwa thoteng ya tlhabelo e e neng e le kwa Gibeone gore ba nne ba direle Morena ditlhabelo tsa phiso mo aletareng ya tsona ka gale mo mosong le mantsiboa le go dira tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa Morena o a o laetseng Baiseraele. Ba bo ba na le Hemane le Jeduthune le ba bangwe ba ba tlhaotsweng ba ba boletsweng ka maina gore ba leboge Morena ka bopelotlhomogi jwa gagwe e le jo bo sa khutleng. Mme Hemane le Jeduthune ba ne ba na le diphala le matlhao-a-mabogo le diletso tsa difela tsa Modimo, e le tsa ba ba di letsang. Mme bomorwa Jeduthune bone ba disa kgoro. Jaanong batho botlhe ba ya kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la gagwe; le Dafita a boa go dumedisa ba lapa la gagwe. E rile Dafita a ntse a nna mo ntlong ya gagwe, a raya moporofeti Nathane a re: “Bona, nna ke nna mo ntlong ya mesetere, mme Letlole la Kgolagano ya Morena lone le fa tlase ga masela a tente.” Nathane a araba Dafita a re: “Dira tsotlhe tse di mo pelong ya gago; gonne Modimo o na nao.” Mme ya re bosigo joo ga tla lefoko la Modimo kwa go Nathane la re: “Yaa o ree Dafita motlhanka wa me o re Morena o bua jaana o re: ‘Ga se wena o tla nkagelang ntlo ya go nna mo go yona. Kana go tloga letsatsing le ke ntshitseng Baiseraele kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing leno ga ke ise nke ke nne mo ntlong, ka nna ka sepela ka tente ya Taberenakele. Gongwe le gongwe kwa ke ntseng ke sepetse teng le Baiseraele botlhe, a nkile ka bua lefoko fela le mongwe wa basiamisi ba Iseraele yo ke neng ke mo laetse go fudisa morafe wa me ka re: Ke ka ntlha ya eng fa lo sa nkagela ntlo ya mesetere?’ “Jaanong he, raya Dafita motlhanka wa me jaana o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ke nna ke go tsereng kwa morakeng o setse dinku morago gore o nne moeteledipele wa morafe wa me wa Iseraele. Ka nna nao gongwe le gongwe kwa o ne wa ya teng, ka nyeletsa baba botlhe ba gago fa pele ga gago. Le gona ke tla go direla leina le le tshwanang le leina la ba bagolo ba ba mo lefatsheng. Ke tla beela morafe wa me wa Iseraele manno, ke o tlhoma gore o nne mo felong ga ona, mme o se ka wa tlhola o rerega gore ba ba setlhogo ba se tlhole ba o bogisa jaaka pele go tloga malatsing a ke beileng basiamisi ka ona ba ba neng ba busa morafe wa me wa Iseraele; mme ke tla kokobetsa baba botlhe ba gago, ke be ke go itsise go re: Morena o tla go agela ntlo. E tla re fa malatsi a gago a sena go tlala fa o ya go robala le borraago, ke tsose wa losika lwa gago sehularong sa gago yo o tla nnang wa bomorwao, ke tlhomamisa bogosi jwa gagwe. Ene o tla nkagela ntlo, mme ke tla tlhomamisa sedulo sa gagwe sa bogosi ka bosakhutleng. Ke tla nna rraagwe, ene a nne morwaake; mme ga nkitla ke tlosa bopelotlhomogi jwa me mo go ene jaaka ke bo tlositse mo go yo o neng a le pele ga gago. Ke tla mmaya mo ntlong ya me le mo bogosing jwa me ka bosakhutleng; sedulo sa bogosi sa gagwe se tla tlhomama ka bosakhutleng.’ ” Nathane a bolelela Dafita mafoko otlhe ao le pono yotlhe eo fela jaaka a laetswe. Ke fa kgosi Dafita a tsena, a nna fa pele ga Morena a re: “Nna ke mang, Morena, Modimo? Le lotso lwa me ke eng, mo o bileng o mphitlhisitse fano? Mme tseo ke tse dinnye mo matlhong a gago, Modimo; o bile o solofeditse ba lapa la motlhanka wa gago tse di kwa kgakala, mme o mpona ke le mothalo wa losika lo lo bopeletseng lwa bana ba bana, Morena, Modimo. Mme Dafita o sa ntse a ka go raya a reng? Kana o itse motlhanka wa gago. Morena, ke ka ntlha ya motlhanka wa gago le ka fa pelong ya gago fa o dirile selo se segolo seo sotlhe sa go itsise tiro tse dikgolo tsotlhe. Morena, ga go na ope yo o tshwanang nao; le gona ga go modimo ope kwa ntle ga gago gongwe le gongwe mo re go utlwetseng ka ditsebe. Ke setšhaba sefe mo lefatsheng se se tshwanang le morafe wa gago o le osi wa Iseraele o Modimo o ileng wa o ithekololela gore e nne morafe wa ona gore o itirele leina ka ditiro tse dikgolo le tse di boitshegang, ka go leleka ditšhaba fa pele ga morafe wa gago o ò o rekolotseng kwa Egepeto? Mme morafe wa gago wa Iseraele ò o dirile morafe wa gago ka bosakhutleng; wena Morena o dule Modimo wa bone. “Mme jaanong Morena, a lefoko le o le buileng ka ga motlhanka wa gago le ka ga lelapa la gagwe le tlhomame ka bosakhutleng, mme o dire jaaka o buile. Foo leina la gago le tla ikanyega, le nna legolo ka bosakhutleng mo go tla bong go twe: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, ke ona Modimo wa Iseraele;’ foo lelapa la ga Dafita motlhanka wa gago le tla bo le tlhomame fa pele ga gago. Gonne wena Modimo wa me o senoletse motlhanka wa gago gore o tla mo agela ntlo; ke ka moo motlhanka wa gago o nameditsweng pelo go rapela fa pele ga gago. Mme jaanong Morena, ke wena Modimo, o buile tse di molemo tseo ka ga motlhanka wa gago. Jaanong he, go kgatlhile wena go tshegofatsa lelapa la motlhanka wa gago gore le nne fa pele ga gago ka bosakhutleng; gonne se wena Morena o se tshegofaditseng se tla bo se tshegofaditswe ka bosakhutleng.” Morago ga moo Dafita a fenya Bafelesita, a ba dira batlhanka, a ba a ba amoga mošate wa Gathe le metsana ya ona. A fenya le Bamoabe, le bone ba nna batlhanka ba gagwe ba mo ntshetsa lekgetho. Dafita a ba a fenya Hatatesere kgosi ya Soba ntlheng ya Hamathe, jale fa a ya go tlhomamisa puso ya gagwe kwa nokeng ya Ferathe. Dafita a mo amoga dikoloi tsa ntwa di le 1 000 le bapalami ba le 7 000 le banna ba le 20 000 ba dinao. Dafita a ba a golafatsa dipitse tsa dikoloi tsotlhe ka go di kgaola mesifa ya maoto, a sadisa dipitse di le 100 fela tsa tsona. Mme ya re Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafita a bolaya banna ba le 22 000 ba Basiria. Dafita a ba a baya balebedi ba puso mo Siria wa Damaseko; Basiria ba nna balala ba ga Dafita ba ba mo ntshetsang lekgetho. Morena a naya Dafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng. Le gona Dafita a tsaya dithebe tsa gouta tse di neng di tshotswe ke batlhanka ba ga Hatatesere, a di isa kwa Jerusalema. Dafita a ba a thopa kgotlho e ntsintsi kwa metseng ya ga Hatatesere kwa Tibegathe le kwa Khune. Salomo a dira lewatle la kgotlho le maotwana le didiri tsa kgotlho ka yona. E rile Thou kgosi ya Hamathe a utlwa gore Dafita o fentse mephato yotlhe ya ga Hatatesere kgosi ya Soba, a roma Hatorame morwawe kwa go kgosi Dafita go mmotsa bophelo le go mo eleletsa letlhogonolo, ka a tlhabanye le Hatatesere, a mo fenya – gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Thou – a ba a romela Dafita dilo tsa mefutafuta tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho. Le tseo kgosi Dafita a di itshepisetsa Morena mmogo le selefera le gouta tse o di tsereng mo ditšhabeng tsotlhe, kwa go Baetomo le Bamoabe le Baamone le Bafelesita le Baamaleke. Mme Abisai morwa Seruya a bolaya Baetomo ba le 18 000 mo lebaleng la letswai. Mme Dafita a baya balebedi ba puso ya gagwe kwa Etomo. Baetomo botlhe ba nna mo pusong ya gagwe. Morena a mo naya phenyo gongwe le gongwe kwa a bololelang teng. Dafita o ne a busa Iseraele yotlhe, a ntse a direla morafe otlhe wa gagwe ka molao le tshiamo. Joabe morwa Seruya e ne e le molaodi wa mephato; Josafate morwa Ahilote e le seatla sa kgosi. Satoke morwa Ahitube le Ahimelege morwa Abjathare e ne e le baperesiti, Sausa e le mokwaledi. Benaya morwa Joyata e ne e le molaodi wa Bakerethi le Baphelethe, bafemedi ba kgosi; bomorwa Dafita ba pele ba thusa kgosi. Morago ga moo Nahase a swa, kgosi ya Baamone, mme Hanune morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Ke fa Dafita a re: “Ke tla direla Hanune morwa Nahase ka bopelotlhomogi; gonne rraagwe o ne a ntirela ka bopelotlhomogi.” Ka moo Dafita a roma barongwi go mo tshedisa ka ntlha ya ga rraagwe. Mme ya re batlhanka ba ga Dafita ba fitlha kwa lefatsheng la Baamone kwa go Hanune go mo tshedisa, dikgosana tsa Baamone tsa raya Hanune tsa re: “A o a re Dafita o tlotla rraago ka a romile bagomotsi kwano go wena? A ga se go re, batlhanka ba gagwe ba tlile kwano go wena go sekaseka lefatshe le go le senya le go le tlhola?” Ke fa Hanune a tshwara batlhanka ba ga Dafita, a ba beola bontlhanngwe jwa ditedu, a kgaola bontlhanngwe jwa diaparo tsa bone ka bogare fa lethekeng, a ba a ba naya tsela. Ba tsamaya. Ya re Dafita a begelwa ka ga banna bao a roma go ba kgatlhantsha; gonne banna bao ba ne ba tlhabisitswe ditlhong thata. Kgosi ya re: “Nnang kwa Jerigo go ya ditedu tsa lona di be di gole; morago ga moo lo boe.” E rile Baamone ba bona gore ba itlhoisitse Dafita, Hanune le Baamone ba romela ditalente di le 1 000 tsa selefera kwa go Basiria ba Mesopotamia le go Basiria ba Maaga le kwa Soba go ithapela dikoloi tsa ntwa le bapalami. Ba ithapela dikoloi tsa ntwa di le 32 000 le kgosi ya Maaga le batlhabani ba yona; ba tla ba thibelela ntlheng ya botlhabatsatsi ya Meteba; le Baamone ba phuthega, ba tswa mo metseng ya bone, ba tla go tlhabana. Ya re Dafita a utlwa jalo, a roma Joabe le mephato yotlhe ya bagale. Jaanong Baamone ba bolola, ba ikemisa ka thulaganyo ya tlhabano ka fa ntle ga kgoro ya motse mme dikgosi tsele tse di tsileng di ne di le go sele kwa nageng. Jaanong ya re Joabe a lemoga gore ntwa e mo potile ka kwa pele le kwa morago, a tlhopha banna mo mephatong yotlhe ya Iseraele, a ba rulaganya go kgatlhantsha Basiria. Mme banna ba ba setseng a ba neela mo taolong ya ga Abisai monnawe gore ba ikemise go kgatlhantsha Baamone. A laela a re: “Fa Basiria ba mphekeetsa, o tle o nthuse; mme fa Baamone ba go fekeetsa, ke tla tla go go thusa. Nna pelokgale, a re itshupe re le bagale ka ntlha ya morafe wa rona le ka ntlha ya metse ya Modimo wa rona! A Morena a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe.” Jaanong ya re Joabe le banna ba ba nang nae ba atamela Basiria go tlhabana nabo, ba tshaba fa pele ga gagwe. Mme ya re Baamone ba bona Basiria ba tshaba, le bone ba tshaba fa pele ga Abisai monnawe, ba tsena mo motseng. Ke fa Joabe a boela kwa Jerusalema. Ya re Basiria ba bona, fa ba fentswe ke Baiseraele, ba roma barongwi, ba bolotsa Basiria ba ba kwa moseja ga noka ya Ferathe, mme Sofage molaodi wa mephato ya ga Hatatesere a ba etelela pele. Ya re Dafita a bolelelwa jalo, a phutha Baiseraele botlhe, a tshela Joretane a fitlha fa go bone, a feta a ema teng; ya re Dafita a se na go emisa batlhabani ka thulaganyo go ya go kgatlhantsha Basiria, ba tlhabana nae. Mme Basiria ba tshaba fa pele ga Baiseraele, mme Dafita a bolaya banna ba dikoloi di le 7 000 tsa Basiria le banna ba le 40 000 ba dinao; a bolaya le Sofage molaodi wa mephato. Jaanong ya re batlhanka ba ga Hatatesere ba bona, fa ba fentswe ke Baiseraele ba dira kagiso le Dafita, ba mo direla. Mme Basiria ba se ka ba tlhola ba rata go thusa Baamone. E rile ngwaga o se na go feta ka nako e dikgosi di a tleng di bolole ka yona, Joabe a bolotsa mephato, a senya lefatshe la Baamone a fitlha a dikanyetsa mošate wa Raba ka ntwa, Dafita ene a setse kwa Jerusalema, mme Joabe a thopa Raba a o diga. Mme Dafita a tsaya serwalo sa Milekome, a se tlosa mo tlhogong ya ona, a fitlhela bokete jwa sona e le talente ya gouta, se bile se na le taemane e e tlhokegang; yona ya rwesiwa Dafita tlhogong; a ba a ntsha thopo e kgolo thata mo motseng oo. Mme batho ba ba neng ba le mo go ona a ba dirisa ka šage le ka dikepu tsa tshipi le ka dilepe. Dafita a direla metse yotlhe ya Baamone jalo. Jaanong Dafita le batlhabani botlhe ba boela kwa Jerusalema. Morago ga moo ga tsoga ntwa kwa Gesere le Bafelesita. Foo Sibegai wa Mohuša a bolaya Siphai yo e neng e le mokaloba. Bafelesita ba kokobediwa jalo. Ga ba ga tlhabanwa gape le Bafelesita. Ke fa Elehanane morwa Jaire a bolaya Lagemi morwa-rraagwe Goliathe wa kwa Gathe yo lore lwa lerumo la gagwe lo neng lo le kana ka tlhomeso. Ga ba ga lowa ntwa gape kwa Gathe. Teng go ne go le monna yo moleele thata yo o menwana e merataro, e le 24 mmogo diatleng le dinaong. Le ene e ne e le mokaloba. Mme ya re a kgoba Baiseraele, a bolawa ke Jonathane morwa Šimea mogoloa Dafita. Bao e ne e le ba losika lwa mekaloba kwa Gathe, mme ba bolawa ke Dafita le ke batlhanka ba gagwe. Satane o kile a tsogela Baiseraele, a tlhotlheletsa Dafita go bala Baiseraele. Ke fa Dafita a raya Joabe le dikgosana tsa morafe a re: “Yaang lo bale Baiseraele go tloga kwa Bereseba go fitlha kwa Dane, lo bo lo tle go mpegela gore ke itse palo ya bone.” Mme Joabe a fetola a re: “A Morena a okeletse morafe wa gagwe ba ba kana ka ona ga lekgolo. Kgosi mong wa me, bone botlhe a ga se batlhanka ba morena wa me? Mong wa me o batlelang selo se se ntseng jalo? O tla bo o leofisetsang Baiseraele?” Fela lefoko la kgosi la pateletsa Joabe, mme Joabe a bolola a ralala Iseraele yotlhe, a ba a boela kwa Jerusalema, a feta a neela Dafita palo ya batho: Banna ba ba somolang tšhaka ba Baiseraele botlhe ba ne ba le 1 100 000; banna ba ba somolang tšhaka ba Juta ba le 470 000. Mme o ne a sa bala Balefi le Babenyamene nabo; gonne lefoko la kgosi le ne le tena Joabe. Fela selo seo se ne se le bosula mo matlhong a Modimo, mme wa betsa Baiseraele. Ke fa Dafita a raya Modimo a re: “Ke leofile thata ka go dira jalo. Mme jaanong a ko o itshwarele molato wa motlhanka wa gago; gonne ke dirile bosilo jo bogolo.” Mme Morena a bua le Gate mosedisetsi wa ga Dafita a re: “Yaa o bue le Dafita o re: ‘Morena o buile jaana a re: Ke tsharolotse dilo di le tharo tse di ka go welang. Itlhaolele sengwe sa tsona gore ke se go direle.’ ” Gate a ya kwa go Dafita, a mo raya a re: “Morena o buile jaana a re: ‘Itlhaolele! A go tle tlala ya dinyaga di le tharo; gongwe go bolawa ke baganetsi ba gago dikgwedi di le tharo le go fitlhelwa ke tšhaka tsa baba ba gago; gongwe tšhaka ya Morena malatsi a le mararo, e bong leroborobo mo lefatsheng, fa moengele wa Morena a senya mo nageng yotlhe ya Iseraele?’ Jaanong he, bona sentle o bolele se ke tla se arabang yo o nthomileng.” Dafita a fetola Gate a re: “Ke tlaletswe thata. Nte ke wele mo diatleng tsa Morena; gonne boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo bogolo thata. A ke se ka ka wela mo diatleng tsa batho.” Ke fa Morena a romela leroborobo mo go Iseraele; ga swa banna ba le 70 000 ba Iseraele. Mme Modimo wa roma moengele kwa Jerusalema go mo senya; ya re a ntse a senya, Morena a ela tlhoko, a rebega bogale, a raya moengele yo o senyang a re: “Go lekanye jaanong! Gonyetsa letsogo.” E ne e le fa moengele wa Morena a eme fa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi. Jaanong ya re Dafita a tsholetsa matlho, a bona moengele wa Morena a eme fa gare ga lefatshe le legodimo, a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng ka letsogo le le otlololetsweng Jerusalema, Dafita le bagolo ba ba apereng masela a boikwatlhao ba wela fa fatshe ka difatlhego. Mme Dafita a raya Modimo a re: “A ga se nna ke laetseng go bala morafe? Ke nna ke leofileng ka senya thata; mme dinku tse, di dirileng? Morena, Modimo wa me, ka thapelo a letsogo la gago le otle nna le ba lapa la ga rre, mme e seng morafe wa gago.” Ke fa moengele wa Morena a laela Gate gore a ree Dafita, a tlhatloge go agela Morena aletare mo seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi. Dafita a tlhatloga ka fa lefokong la ga Gate le o le buileng ka taelo ya Morena. Ya re Orenane a retologa, a bona moengele, mme bomorwawe ba bane ba ba nang nae ba iphitlha. Orenane a bo a photha mabele. Mme ya re Dafita a tla kwa go Orenane, Orenane a tlhatlosa matlho, a bona Dafita. Ke fa a tswa mo seboaneng, a ikobela fa fatshe fa pele ga Dafita. Dafita a raya Orenane a re: “Nneela felo ga seboana gore ke agele Morena aletare gona, ò go nneele ka tlhwatlhwa e e tletseng gore petso e tlosiwe mo morafeng.” Mme Orenane a fetola Dafita a re: “Se tsee fela. A kgosi mong wa me a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe. Bona, ke ntsha dikgomo go nna tsa setlhabelo le meotlwana go nna dikgong le mabele go nna tshupelo. Ke di ntsha tsotlhe.” Fela kgosi Dafita a raya Orenane a re: “Nnyaya, ke rata go di reka ka tlhwatlhwa e e tletseng. Gonne ga nka ke ka tseela Morena tse e leng tsa gago, ka dira setlhabelo fela, ke sa senyegelwe.” Mme Dafita a ntshetsa felo foo madi a dišekele tsa gouta di le 600, a di neela Orenane. Jaanong Dafita a agela Morena aletare gona, a baakanya ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, mme ya re a tlhaeleletsa Moreneng, ene a mo araba ka molelo o o tswang kwa legodimong, wa wela mo aletareng ya tlhabelo ya phiso, wa ja setlhabelo. Ke fa Morena a laela moengele gore a somele tšhaka ya gagwe mo kgatleng ya yona. Go tloga sebakeng seo, fa Dafita a bona gore Morena o mo arabile kwa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi, a nna a dira ditlhabelo teng. Kana Taberenakele e e neng e dirilwe ke Moše kwa sekakeng le aletare ya ditlhabelo tsa phiso tsone ka sebaka seo di ne di le kwa thoteng ya tlhabelo kwa Gibeone. Mme Dafita a palelwa ke go ya fa pele ga yona aletare eo go batla Modimo; gonne o ne a tshositswe ke tšhaka ya moengele wa Morena. Mme Dafita a re: “Felo fa e tla nna ga Ntlo ya Morena Modimo le aletare ya ditlhabelo tsa phiso tsa Baiseraele e tla nna fa.” Dafita a ba a laela gore go phuthwe baeng ba ba mo lefatsheng la Iseraele. A ba a tlhoma babetli go betla majwe a go aga Ntlo ya Modimo. Le gona Dafita a thula tshipi e ntsi, a dira dimapo tsa ditswalo tsa dikgoro le dipataganyo le kgotlho e ntsi e e sa itsiweng bokete; a kgobokanya dikota tsa mesetere tse di se nang palo; gonne ba Sitone le ba Tiro ba ne ba tlisetsa Dafita bontsi jwa dikgong tsa mesetere. Kana Dafita o ne a re: “Salomo morwaake o sa le mošwa o tlhoka temogo, mme Ntlo e e tshwanetseng go agelwa Morena e tshwanetse ya nna e kgolo mo go feteletseng e e tumileng e e kgabetseng mafatshe otlhe. Nte ke mo etleeletse.” Mme Dafita o ne a etleetsa ka tse dintsi a ise a swe. A ba a bitsa Salomo morwawe, a mo laela gore a tle a agele Morena, Modimo wa Iseraele, Ntlo. Dafita a raya Salomo a re: “Morwaaka, ke ne ke ikaeletse ka nosi go agela leina la Morena, Modimo wa me, Ntlo. Mme lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: ‘O tsholotse madi a mantsi, o lole dintwa tse dikgolo. Ga o a tshwanela go agela leina la me Ntlo; ka gonne o tshololetse madi a mantsi fa fatshe fa pele ga me. Bona, morwa yo ò tla mmelegelwang o tla nna monna wa boikhutso, mme ke tla mo ikhutsisa go se na mmaba ope tikologong; gonne leina la gagwe e tla nna Salomo, mme ke tla naya Baiseraele kagiso le boikhutso malatsing a gagwe. Ene o tla agela leina la me Ntlo; o tla nna morwaake, nna ke nne rraagwe, mme ke tla tlhomamisa sedulo sa bogosi jwa gagwe mo go Iseraele ka bosakhutleng.’ “Jaanong he, morwaaka, a Morena a nne nao, o nne maatlametlo go ka aga Ntlo ya Morena, Modimo wa gago, jaaka a buile ka ga gago. Fela a Morena a go nee kutlwisiso le tlhaloganyo, a go laodise Baiseraele, a go thuse go tshegetsa molao wa Morena, Modimo wa gago. Foo o tla tshegofala fa o ela tlhoko go dira ka melao le ka ditshwanelo tse Morena o di laetseng Baiseraele ka Moše. Tia o tlhomame! Se boife le e seng go tshoga! Bona, le fa ke ne ke le pogisegong, ke etleeleditse Ntlo ya Morena ditalente di le 100 000 tsa gouta le ditalente di le 1 000 000 tsa selefera le kgotlho le tshipi tse di sa kakeng tsa lekanngwa bokete. Ke bile ke etleeditse ka dikgong le majwe, mme tsona o ka di oketsa ka tse dingwe. Le gona o na le badiri ba bantsi, e bong babetli ba mafika le baagi le babetli ba dikgong le batlhalefi ba mefutafuta mo ditirong tse dintsi tsa gouta le selefera le kgotlho le tshipi tse di se nang palo. Nanoga he, o simolole tiro, mme a Morena a nne nao!” Dafita a ba a laela dikgosana tsotlhe tsa Iseraele gore di thuse Salomo morwawe a re: “A ga ke re, Morena, Modimo wa lona, o na le lona, o bile o lo neile boikhutso ntlheng tsotlhe. Gonne o ne wa neela baagi ba pele ba lefatshe le mo diatleng tsa me, mme lefatshe le la tsenngwa mo taolong ya Morena le ya morafe wa gagwe. Jaanong ineeleng ka dipelo le mewa go batla Morena, Modimo wa lona, lo nanoge lo age Ntlo e e Boitshepo ya Morena Modimo gore lo itse go tsenya Letlole la Kgolagano ya Morena le didiri tse di boitshepo tsa Modimo mo Ntlong e e tla agelwang leina la Morena.” E rile Dafita a se na go tsofala le go ja lefatshe a dira Salomo morwawe kgosi ya Iseraele. A ba a phutha dikgosana tsotlhe tsa Iseraele le baperesiti le Balefi. Mme Balefi ba balwa go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone, mme palo ya bone ka fa ditlhogong tsa bone e le banna ba le 38 000. Dafita a laela a re: “Ba le 24 000 ba bone ba na le go okamela tiro ya Ntlo ya Morena; ba le 6 000 e nne bakwaledi le baatlhodi; ba le 4 000 e nne badisa ba dikgoro; ba le 4 000 ba bangwe e nne ba ba bakang Morena ka diletso tse ke di diretseng go baka ka tsona.” Dafita a ba a ba kgaoganya ditlhopha ka fa ditshikeng tsa bomorwa Lefi Geresone le Kahathe le Merari. Boora Geresone e ne e le Laetane le Simei. Bomorwa Laetane e ne e le Jehiele, wa ntlha, le Sethame le Joele, ba bararo. Bomorwa Simei e ne e le Selomothe le Hasiele le Harane, ba bararo; bao e le ditlhogo tsa dikgoro tsa losika lwa ga Laetane. Bomorwa Simei e ne e le Jahathe le Sisa le Jeuse le Beria. Ke bone bomorwa Simei ba bane. Jahathe e ne e le wa ntlha, Sisa e le wa bobedi; mme Jeuse le Beria ba ne ba se na bana ba bantsi; ka moo ba nna kgoro e le nngwe le setlhopha se le sengwe. Bomorwa Kahathe e ne e le Amerame le Isehare le Heberone le Usiele, ba bane. Bomorwa Amerame e ne e le Arone le Moše. Mme Arone a ntshiwa go tsenngwa tirelong ya Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo, ene le bomorwawe ka bosakhutleng gore a fise maswalo fa pele ga Morena, a mo direle, a tshegofatse ka leina la gagwe ka bosakhutleng. Fa e le Moše monna wa Modimo, bomorwawe ba ne ba balelwa mo lotsong lwa ga Lefi. Bomorwa Moše e ne e le Geresome le Eliesere. Morwa Geresome e ne e le Sebuele tlhogo ya losika. Morwa Eliesere e ne e le Rehabja tlhogo ya losika, mme Eliesere a se na bomorwa ba bangwe, mme bomorwa Rehabja ba ne ba le bantsi thata. Morwa Isehare e ne e le Selomithe tlhogo ya losika. Bomorwa Heberone e ne e le Jeria, wa ntlha, le Amaria, wa bobedi, le Jahasiele, wa boraro, le Jekameame, wa bone. Bomorwa Usiele e ne e le Miga, wa ntlha, le Isia, wa bobedi. Bomorwa Merari e ne e le Magedi le Muši; bomorwa Magedi e le Eleasare le Khiše. Mme Eleasare a swa a se na bomorwa fa e se bomorwadi fela, mme ba nyalwa ke bomorwa Khiše, rrangwanaabo. Bomorwa Muši e ne e le Magedi le Etere le Jeremothe, ba bararo. Ke bone bomorwa Lefi ka fa dikgorong tsa bone, e bong ditlhogo tsa dikgoro ka fa ba rulagantsweng ka teng ka fa ditlhogong tsa bone ba ba neng ba dira ditiro tsa tirelo kwa Ntlong ya Morena, go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone. Gonne Dafita o ne a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o file morafe wa gagwe boikhutso, o bile o agile mo Jerusalema ka bosakhutleng. Le gona Balefi ga ba tlhole ba na le go sikara Taberenakele le dilwana tsotlhe tsa tirelo ya yona.” Gonne ka fa mafokong a bofelo a ga Dafita bomorwa Lefi ba ne ba balwa go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone. Mme tiro ya bone ke go thusa bomorwa Arone tirelong ya Ntlo ya Morena, go okamela malapa le matlwana le go phepafatsa dilo tsotlhe tse di boitshepo le ditiro tse dingwe mo Ntlong ya Modimo le go tlhokomela dinkgwe tsa tshupo le bupe jo bo setou jwa tshupelo ya dijo le dinkgwenyana tse dipapetla tse di sa bedisiwang le moritshana le tse di fagwang le dielo tsotlhe le ditekanyo tsotlhe le go ema ka moso mongwe le mongwe go leboga le go baka Morena le maitsiboa fela jalo; le go direla Morena ditlhabelo tsotlhe tsa phiso ka boSabata le ka malatsi a ngwedi o o rogilweng le ka meletlo ka fa palong ya tsona ka fa di tshwanetseng ka teng ka gale fa pele ga Morena. Ba tshwanetse go tlhokomela ditiro mo Tenteng ya Boipontsho le ditiro mo Felong-ga-Boitshepo le ditiro tsa go thusa bomorwa Arone, ba ga bone ba le tirelong ya Ntlo ya Morena. Le boora Arone ba ne ba na le ditlhopha tsa bone. Bomorwa Arone e ne e le Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare. Mme Natabe le Abihu ba swa pele ga rraabo ba se na bana; baperesiti ya nna Eleasare le Ithamare fela. Dafita a ba dira ditlhopha, a na le Satoke wa losika lwa ga Eleasare le Ahimelege wa losika lwa ga Ithamare, a ba tsenya mo ditirong tsa bone ka fa ditlhopheng tsa bone. Mme ga fitlhelwa ba losika lwa ga Eleasare ba le bantsi go feta ba losika lwa ga Ithamare, fa go balwa ditlhogo tsa banna. Ka moo ba ba kgaoganya jaana: Ditlhogo tsa dikgoro tsa losika lwa ga Eleasare ya nna di le 16, mme tsa dikgoro tsa losika lwa ga Ithamare ya nna di le robedi. Ba kgaoganya bao le bao ka ditengwa; gonne go ne go le bagolo ba ba boitshepo, e bong bagolo ba Modimo mo losikeng lwa ga Eleasare le mo losikeng lwa ga Ithamare. Mme mokwaledi Semaya morwa Nethanele mongwe wa Balefi a ba kwala fa pele ga kgosi le dikgosana le Satoke moperesiti le Ahimelege morwa Abjathare le ditlhogo tsa dikgoro tsa baperesiti le Balefi; ga ntshiwa dikgoro tse pedi ka tengwa tsa losika lwa ga Eleasare, ga ba ga ntshiwa e le nngwe ya losika lwa ga Ithamare. Tengwa ya ntlha ya wela Joyaribe, ya bobedi ya wela Jetaya; ya boraro ya wela Harime, ya bone ya wela Seorime; ya botlhano ya wela Malekhia, ya borataro ya wela Miyamine; ya bosupa ya wela Hakose, ya robedi ya wela Abia; ya robongwe ya wela Jesua, ya some ya wela Seganya; ya 11 ya wela Eliasibe, ya 12 ya wela Jakime; ya 13 ya wela Hupha, ya 14 ya wela Jesebeabe; ya 15 ya wela Bileka, ya 16 ya wela Imere; ya 17 ya wela Hesire, ya 18 ya wela Haphisese; ya 19 ya wela Phethaya, ya 20 ya wela Hesekiele; ya 21 ya wela Jagine, ya 22 ya wela Gamule; ya 23 ya wela Delaya, ya 24 ya wela Maasia. Ke yona thulaganyo ya bone tirelong ya bone ya go tsena Ntlong ya Morena ka fa tshwanelong e ba e beetsweng ke Arone rraabo jaaka ene a laetswe ke Morena, Modimo wa Iseraele. Fa e le boora Lefi ba bangwe go ne go le teng Subaele, oora Amerame le Jedia mongwe wa bomorwa Subaele; le Isia yo mogolo oora Rehabja; le Selomothe oora Isehare le Jahathe mongwe wa bomorwa Selomothe. Bomorwa Heberone e ne e le Jeria wa ntlha, le Amaria wa bobedi, le Jahasiele wa boraro, le Jekameame wa bone. Morwa Usiele e ne e le Miga, mongwe wa bomorwa Miga e le Samire. Morwa-rraagwe Miga e ne e le Isia; mongwe wa bomorwa Isia e le Sagaria. Bomorwa Merari e ne e le Magedi le Muši; ngwana wa ngwana wa gagwe e le Jaasia. Boora Merari bomorwa Jaasia e ne e le Sohame le Sakhure le Iberi. Magedi o ne a na le Eleasare yo o neng a se na bana le Khiše. Fa e le Khiše morwawe e ne e le Jeramele. Bomorwa Muši e ne e le Magedi le Etere le Jerimothe. Ke bone bomorwa Balefi ka fa dikgorong tsa bone. Le bone ba tlhamelwa ditengwa fela jaaka ba ga bone boora Arone fa pele ga kgosi Dafita le Satoke le Ahimelege le ditlhogo tsa dikgoro tsa baperesiti le Balefi; tlhogo ya kgoro ya direlwa fela jaaka monnawe yo mmotlana. Dafita le balaodi ba mephato ba ne ba tlhaolela bomorwa Asafe le ba ga Hemane le ba ga Jeduthune tirelo-Modimo, e le ba ba rutang tsa Modimo ka go letsa dikwadi le diharepa le matlhao-a-mabogo; palo ya bone ya banna ba tirelo ya bone e leng tiro eo e ne e le e: Baopedi ba bomorwa Asafe e ne e le Sakhure le Josefa le Nethanya le Ašarela, ba okametswe ke Asafe yo o neng a ruta tsa Modimo ka difela ka taelo ya kgosi. Ba bomorwa Jeduthune e ne e le Ketalea le Seri le Jesaya le Simei le Hasabja le Mathitya, ba barataro; ba okametswe ke Jeduthune rraabo yo o neng a letsa kwadi a na le Mowa wa Modimo, fa go lebogwa le go bakwa Morena. Ba bomorwa Hemane e ne e le Bukhia le Mathanya le Usiele le Sebuele le Jerimothe le Hananya le Hanani le Eliatha le Gitalethi le Romamethi-Esere le Josebekasa le Malothi le Hothire le Mahasiothe. Botlhe bao e ne e le bomorwa Hemane mosedisetsi wa kgosi. Modimo o ne o neile Hemane bomorwa ba le 14 le bomorwadi ba le bararo gore ba tle ba godise thata ya yona ka fa ditsholofetsong tsa Modimo. Botlhe bao ba ne ba okametswe ke rraabo, e bong Hemane mo dikopelong tsa Ntlo ya Morena, ba letsa matlhao-a-mabogo le diharepa le dikwadi mo tirelong-Modimo mo Ntlong ya Modimo jaaka kgosi e laetse Asafe le Jeduthune le Hemane. Palo ya bone mmogo le ba ga bone ba ba rutilweng kopelo tsa Morena sentle, ba e leng ditswerere botlhe e ne e le 288. Mme ba tlhama ditengwa go rulaganya tirelo, yo mmotlana fela jaaka yo mogolo, motlhaloganyi fela jaaka moithuti. Tengwa ya ntlha ya wela Asafe, e bong morwawe Josefa; ya bobedi ya wela Ketalea ene le bomorwa-rraagwe le bomorwawe, ba le 12 mmogo. Ya boraro ya wela Sakhure le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya bone ya wela Iseri le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya botlhano ya wela Nethanya le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya borataro ya wela Bukhia le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya bosupa ya wela Jesarela le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya robedi ya wela Jesaya le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya robongwe ya wela Mathanya le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya some ya wela Simei le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 11 ya wela Asarele le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 12 ya wela Hasabja le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 13 ya wela Subaele le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 14 ya wela Mathitya le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 15 ya wela Jeremothe le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 16 ya wela Hananya le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 17 ya wela Josebekasa le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 18 ya wela Hanani le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 19 ya wela Malothi le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 20 ya wela Eliatha le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 21 ya wela Hothire le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 22 ya wela Gitalethi le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. ya ya wela Mahasiothe le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Ya 24 ya wela Romamethi-Esere le bomorwawe le bomorwa-rraagwe, ba le 12. Fa e le badisa ba dikgoro ba e leng boora Kora e ne e le Meselemia morwa Kore, mongwe wa bomorwa Asafe. Mme Meselemia o ne a na le bomorwa, e bong Sagaria, yo mogolo, le Jediaele, wa bobedi, le Sebatya, wa boraro, le Jatheniele, wa bone, le Elame, wa botlhano, le Johanane wa borataro, le Eleyoenai, wa bosupa. Le Obete-Etomo o ne a na le bomorwa, e bong Semaya, yo mogolo, le Josabate, wa bobedi, le Joa, wa boraro, le Sagare, wa bone, le Nethanele, wa botlhano, le Amiele, wa borataro, le Isašare, wa bosupa, le Pheulethai, wa robedi; gonne Modimo o ne o mo tshegofaditse. Le Semaya morwawe a belegelwa bomorwa ba ba neng ba busa mo kgotleng ya ga rraabo, gonne e ne e le banna ba ba maatlametlo. Bomorwa Semaya e ne e le Otheni le Refaele le Obete le Elesabate le bomorwa-rraagwe ba e leng banna ba ditswerere, Elihu le Semagia. Botlhe bao e ne e le ba ga gabo Obete-Etomo; bone le bomorwaa-bone le bomorwa-rraabo, banna ba ba maatlametlo ba nonofetse tirelo. Ba ne ba le 62. Le Meselemia o ne a na le bomorwa le bomorwa-rraagwe e le banna ba ditswerere ba le 18. Le Hosa oora Merari o ne a na le bomorwa, e bong Simeri, yo mogolo, yo rraagwe o neng a mo dira mogolo, le fa e se motsalwapele; le Hilekia, wa bobedi, le Tebalea, wa boraro, le Sagaria, wa bone; bomorwa Hosa le bomorwa-rraagwe ba ne ba le 13 mmogo. Le ditlhopha tseo tsa badisa ba dikgoro, e bong ditlhogo tsa banna di ne di abetswe ditshwanelo tsa go direla fa Ntlong ya Morena fela jaaka ba ga bone. Mme ba tlhama tengwa, yo mmotlana fela jaaka yo mogolo wa dikgotla tsa bone; ba e tlhamela kgoro nngwe le nngwe. Tengwa ya kgoro ya botlhabatsatsi ya wela Selemia. Le Sagaria morwawe, mogakolodi yo o botlhale, a tlhamelwa tengwa; tengwa ya gagwe ya wela kgoro ya bokone. Ya ga Obete-Etomo ya wela kgoro ya borwa; ya bomorwawe ya wela ntlo ya polokelo. Ya ga Suphime le ya ga Hosa tsa wela kgoro ya bophirimatsatsi fa kgorong ya Salegethe fa tseleng e e tlhatlogang, badisa ba lebaganye le badisa. Ntlheng ya botlhabatsatsi Balefi ba ne ba le barataro, ntlheng ya bokone ba le bane ka letsatsi le letsatsi, ntlheng ya borwa ba le bane ka letsatsi le letsatsi; fa ntlong ya polokelo go le babedi le babedi. Kwa mathuding ntlheng ya bophirimatsatsi go ne go le ba le bane ba ba disang tsela e kgolo le ba le babedi ba mathudi. Ke tsona ditlhopha tsa badisa ba dikgoro, e le tsa losika lwa ga Kora le lwa ga Merari. Mme ba ga bone Balefi ba ba neng ba okametse mahumo a Ntlo ya Modimo le mahumo a a neetsweng Tempele ke ba: Ba ga gabo Laetane, oora Geresone, ditlhogo tsa dikgoro tsa ga Laetane, wa losika lwa ga Geresone e ne e le boora Jehiele. Bomorwa Jehiele e ne e le Sethame le Joele morwa-rraagwe, bone ba okametse mahumo a Ntlo ya Morena. Fa e le boora Amerame le boora Isehare le boora Heberone le boora Usiele, Sebuele, oora Geresome, morwa Moše e ne e le mookamedi yo mogolo wa mahumo. Fa e le boora Eliesere, morwawe e ne e le Rehabja, morwawe e le Jesaya, morwawe e le Jorame, morwawe e le Sigeri, morwawe e le Selomothe. Selomothe yoo le bomorwa-rraagwe ba ne ba okametse mahumo otlhe a a neng a neetswe Tempele, a itshepisitswe jalo ke kgosi Dafita le ditlhogo tsa dikgoro le balaodi ba dikete le ba makgolo le balaodi ba mephato. Ba ne ba a itshepisitse, a tswa mo dintweng le mo thopong go thusa kagong ya Ntlo ya Morena. Le tsotlhe tse di neng di itshepisitswe ke Samuele mmoni le Saule morwa Khiše le Abenere morwa Nere le Joabe morwa Seruya le tsotlhe tse di neng di itshepisitswe, di ne di okametswe ke Selomothe le bomorwa-rraagwe. Kenanya le bomorwawe, boora Isehare, ba ne ba neetswe tiro ya ka kwa ntle mo go Iseraele, e le bakwaledi le baatlhodi. Hasabja le bomorwa-rraagwe, boora Heberone, banna ba dinatla ba le 1 700 e ne e le baokamedi ba makgotla a mmuso a Iseraele ka kwano ga Joretane ntlheng ya bophirimatsatsi ba tiro yotlhe ya Morena le ba tirelo ya kgosi. Tlhogo ya boora Heberone e ne e le Jeria. – Go ne go batlwa boora Heberone ka fa ditshikeng tsa bone le malapeng a bone ka ngwaga wa 40 wa puso ya ga Dafita, ga fitlhelwa banna ba dinatla mo go bone kwa Jasere wa Gileate. Mme ba losika lwa gagwe e ne e le banna ba dinatla ba le 2 700, e le ditlhogo tsa dikgotla. Mme Dafita a ba dira baokamedi ba Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase, ba tiro nngwe le nngwe ya Modimo le ba tiro ya kgosi. Go fa go bolelwa Baiseraele ka fa palong ya bone, e bong ditlhogo tsa dikgoro le balaodi ba dikete le ba makgolo le baduedi ba bone ba ba direlang kgosi mo dilong tsotlhe tsa mephato e e refosanyang mo tirong ka kgwedi le kgwedi ngwaga otlhe. Mophato o le mongwe e ne e le batlhabani ba le 24 000. Mookamedi wa mophato wa ntlha wa kgwedi ya ntlha e ne e le Jasobeame morwa Sabediele; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Ene e ne e le oora Pherese, e le tlhogo ya balaodi botlhe ba mephato kgweding ya ntlha. Mookamedi wa mophato wa kgwedi ya bobedi e ne e le Dotai wa kwa Ahohi, mme Mikelothe e le moeteledipele wa mophato wa gagwe; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Molaodi wa mophato wa boraro wa kgwedi ya boraro e ne e le Benaya morwa Joyata moperesiti yo mogolo; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Benaya yoo e ne e le mogale wa ba ba 30 le mookamedi wa bone; mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Amisabate morwawe. Molaodi wa bone wa kgwedi ya bone e ne e le Asahele monnaa Joabe le Sebatya morwawe sehularong sa gagwe; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Molaodi wa botlhano wa kgwedi ya botlhano e ne e le Samehuthe wa kwa Isera; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Molaodi wa borataro wa kgwedi ya borataro e ne e le Ira morwa Ikese wa kwa Thekoa; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Molaodi wa bosupa wa kgwedi ya bosupa e ne e le Helese wa kwa Phelone wa Baeferaime; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Molaodi wa robedi wa kgwedi ya robedi e ne e le Sibegai wa kwa Huša wa losika lwa ga Sera; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Molaodi wa robongwe wa kgwedi ya robongwe e ne e le Abiesere wa kwa Anathothe wa Babenyamene; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Molaodi wa some wa kgwedi ya some e ne e le Maharai wa kwa Netofa wa losika lwa ga Sera; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Molaodi wa 11 wa kgwedi ya 11 e ne e le Benaya wa kwa Phirathone wa Baeferaime; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Molaodi wa 12 wa kgwedi ya 12 e ne e le Heletai wa kwa Netofa wa losika lwa ga Otheniele; ba mophato wa gagwe ba le 24 000. Baokamedi ba ditso tsa Iseraele e ne e le ba: Moeteledipele wa Barubene e le Eliesere morwa Sigeri; wa Basimeone e le Sefatya morwa Maaga; wa Balefi e le Hasabja morwa Kemuele; wa boora Arone e le Satoke; wa Bajuta e le Elihu wa bomorwa-rraagwe Dafita; wa Baisašare e le Omeri morwa Migaele; wa Basebulone e le Isemaya morwa Obatya; wa Banafetale e le Jeremothe morwa Aseriele; wa Baeferaime e le Hosea morwa Asasia; wa bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase e le Joele morwa Phetaya; wa bontlhanngwe jwa Bamanase ba kwa Gileate e le Ito morwa Sagaria; wa Babenyamene e le Jaasiele morwa Abenere; wa Badane e le Asarele morwa Jerohame. Ke bone balaodi ba ditso tsa Baiseraele. Mme Dafita a se ka a tshola palo ya bone ba ba dinyaga di 20 le e seng ya bomonnaa-bone; gonne Morena o ne a solofeditse go ntsifatsa Baiseraele jaaka dinaledi tsa legodimo. Joabe morwa Seruya o ne a simolotse go bala morafe, mme a se ka a fetsa, ka petso ya bogale e ne e wetse Baiseraele ka ntlha ya gona; le gona palo ya teng ya se ka ya tsholwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa malatsi a kgosi Dafita. Mookamedi wa matlotlo a kgosi e ne e le Asemawethe morwa Adiele. Mme mookamedi wa matlotlo a a kwa nageng le mo metseng le mo metsaneng le mo dinakeng tsa phemelo e ne e le Jonathane morwa Usia. Mookamedi wa balemi ba masimo e ne e le Eseri morwa Kelobe. Mookamedi wa masimo a moweine e ne e le Simei wa kwa Rama; mookamedi wa ditsaga tsa weine tse di neng di le kwa masimo e ne e le Sabedi wa kwa Sifeme. Mookamedi wa ditlhare tsa olefa le tsa mefaa tse di neng di le mo nageng e e kwa tlase e ne e le Baale-Hanane wa kwa Getere; mookamedi wa lookwane lo lo bolokilweng e ne e le Joase. Mookamedi wa dikgomo tse di neng di fula kwa lebaleng la Sarone e ne e le Siterai wa kwa Sarone; mme mookamedi wa dikgomo tse di mo melapong e ne e le Safate morwa Atelai. Mookamedi wa dikammele e ne e le Obile wa Moisemaele; mme mookamedi wa diesele tse dinamagadi e ne e le Jedia wa kwa Meronothe. Mookamedi wa difutshane e ne e le Jasise wa kwa Hagare. Botlhe bao e ne e le baokamedi ba bagolo ba maruo a kgosi Dafita. Mme Jonathane rrangwanaagwe Dafita e ne e le mogakolodi, e le monna wa tlhaloganyo yo o rutegileng; mme Jehiele morwa Hagemoni o ne a na le bomorwa kgosi. Ahithofele e ne e le mogakolodi wa kgosi; mme Husai wa Moaregi e ne e le tsala e e ikanyegang ya kgosi. Ahithofele o ne a tlhomagannwa ke Joyata morwa Benaya, le Abjathare; mme molaodi wa mephato ya kgosi e ne e le Joabe. Jaanong Dafita a kgobokanya dikgosana tsotlhe tsa Iseraele, e bong dikgosana tsa ditso le balaodi ba ditlhopha tsa ba ba direlang kgosi le balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo le baokamedi ba dithoto tsotlhe le dithuo tsotlhe tsa kgosi le tsa bomorwaa-yona, ba na le badiredi ba lapa la kgosi le bagale le batlhabani botlhe ba ba pelokgale, a ba phuthela kwa Jerusalema. Kgosi Dafita e ema ka dinao a bua a re: “Ntheetseng, bomorwa-rra le morafe wa me! Nna ke ne ke ikaeletse go agela Letlole la Kgolagano ya Morena le sebeo sa dinao tsa Modimo wa rona Ntlo ya boikhutso, ke bile ke kgobokantse tsa go e aga. Mme Modimo wa nthaya wa re: ‘Se agele leina la me Ntlo; gonne o monna wa dintwa, o tsholotse madi.’ Mme Morena, Modimo wa Iseraele, o ntlhophile mo go botlhe ba lelapa la ga rre go nna kgosi ya Iseraele ka metlha le metlha; gonne o ne o tlhophile Juta go nna moeteledipele, le lelapa la ga rre mo lotsong lwa ga Juta; wa ba wa kgatlhwa ke nna mo go bomorwa-rre go ntira kgosi ya Baiseraele botlhe. Mme mo go bomorwaake botlhe – gonne Morena o mphile bomorwa ba bantsi – o tlhophile Salomo morwaake gore a nne mo sedulong sa bogosi jwa Morena, a buse Iseraele. “A nthaya a re: ‘Salomo morwao ke ene yo o tla agang Ntlo ya me le malapa a me; gonne ke mo itlhophetse go nna morwaake, nna ke nne rraagwe. Mme ke tla tlhomamisa bogosi jwa gagwe ka go sa feleng, fa a dirisa ditaelo tsa me le ditshiamo tsa me ka tlhomamo jaaka wena kajeno.’ “Jaanong he, ke a lo rapela mo matlhong a Baiseraele botlhe a phuthego ya Morena le mo ditsebeng tsa Modimo wa rona ka re: Tshegetsang lo tlhokomele melao yotlhe ya Morena, Modimo wa lona, gore lo nne lo rue lefatshe le lentle le, lo be lo le tlogelele bana ba lona boswa sehularong sa lona go ya go ileng. “Wena morwaaka Salomo, itse Modimo wa ga rraago, ò o direle ka pelo yotlhe le ka mowa o o etleetsegileng; gonne Morena o ntse a tlhotlhomisa dipelo tsotlhe, a tlhaloganya maano otlhe a dikakanyo. Fa o o batla, o tla o bona, mme fa o o tlogela, foo o tla go latlha ka bosakhutleng. Lemoga he fa Morena a go tlhaotse gore o age Ntlo ya Tempele e e Boitshepo. Tia o dire jalo.” Dafita a ba a neela Salomo morwawe setshwantsho sa Tempele le sa dikago tsa yona le sa matlwana a dikhumo a yona le sa matlwana a a kwa godimo a yona le sa matlwana a yona a a ka fa teng le sa Ntlo ya sekhurumelo sa thuanyo le setshwantsho sa tsotlhe tse o neng a di akantse, sa malapa a Ntlo ya Morena le sa matlwana otlhe tikologong le sa matlwana a dikhumo tsa Ntlo ya Modimo le sa matlwana a dikhumo tsa dineo tse di boitshepo le thulaganyo ya ditlhopha tsa baperesiti le tsa Balefi le ya tiro yotlhe ya tirelo ya Ntlo ya Morena le ditshwantsho tsa didiri tsotlhe tsa tirelo Ntlong ya Morena. A ba a mo neela gouta e e lekanyeng go ka dira dilo tsotlhe tsa gouta tsa tirelo nngwe le nngwe le selefera e e lekanyeng go ka dira dilo tsotlhe tsa selefera tsa tirelo nngwe le nngwe le gouta e e lekanyeng ditlhomo tsa gouta le dipone tsa tsona tsa gouta ka fa e lekanyeng setlhomo sengwe le sengwe le dipone tsa sona ka teng, le selefera ya ditlhomo tsa selefera e e lekanyeng setlhomo le dipone tsa sona ka fa tirelong ya setlhomo sengwe le sengwe; le gouta e e lekanyeng ditafole tsa dinkgwe tsa tshupo ya ditafole tsotlhe le selefera ya ditafole tsa selefera le gouta e e sa pekwang ya diroophata le ya megopo e e kgatshang le ya dikgamelo le ya dinwelo tsa gouta ka fa e lekanyeng dinwelo tsotlhe ka teng le selefera ya dinwelo tsa selefera ka fa e lekanyeng dinwelo tsotlhe ka teng le gouta e e itshekisitsweng ya aletare ya maswalo ka fa e batlegang ka teng le setshwantsho sa koloi, e bong sa boKerubime ba gouta ba ba tla tsharololang diphuka tsa bone, ba khurumetsa Letlole la Kgolagano ya Morena. Mme Dafita a re: “Tsotlhe tse, e bong ditiro tsotlhe tsa setshwantsho, Morena o di nthutile ka lokwalo lo lo tswang mo seatleng sa Morena se le mo go nna.” Dafita a ba a raya Salomo a re: “Tia o nametsege o fetse tiro; se boife, se tshoge; gonne Morena, Modimo, Modimo wa me, o na nao; ga o ne o go hularela le e seng go go tlogela go ya go fitlhelela o fetsa tiro yotlhe ya kago le ya dilo tsa tirelo ya Ntlo ya Morena. Bona, ditlhopha tsa baperesiti le tsa Balefi ke tse, go ka tshwara tirelo nngwe le nngwe ya Ntlo ya Modimo; gape o na le ba ba etleetsegileng ditirong tsa mefutafuta go ka dira tiro nngwe le nngwe ka botswerere. E bile dikgosana mmogo le morafe otlhe di tla emela ditiro tsotlhe tsa gago.” Kgosi Dafita a ba a raya phuthego yotlhe a re: “Salomo, morwaake yo Modimo o mo tlhaotseng a le esi, o sa le mošwa, o bile o monana, mme tiro e kgolo; gonne ntlo ya borena e ga se ya motho, ke ya Morena Modimo. Ka fa ke neng ke nonofile ka teng ka kgobokanyetsa Ntlo ya Modimo wa me gouta ya tse e tla nnang tsa gouta le selefera ya tsa selefera le kgotlho ya tsa kgotlho le tshipi ya tsa tshipi le dikgong tsa dilo tsa dikgong le majwana a a tlhokegang a šohama le a a tla tlhongwang le majwana a a tlhokegang a mantsho le a a mebalabala le majwana a a tlhokegang a mefutafuta le magakwa a magolo ka bontsi. Mme e re ka ke itumelela Ntlo ya Modimo wa me, ke bile ke ntshetsa Ntlo ya Modimo wa me gouta le selefera tse dingwe tse e leng tsa me kwa ntle ga tsotlhe tse ke setseng ke di kgobokanyeditse Ntlo e e Boitshepo: E bong ditalente di le 3 000 tsa gouta, e le gouta ya kwa Ofire, le ditalente di le 7 000 tsa selefera e e itshekisitsweng go di manega mo dipoteng tsa Tempele. Gouta e, e nne ya dilo tsa gouta, mme selefera e, e nne ya tsa selefera le ya tiro ya mefutafuta e e dirwang ka diatla ke ditswerere. Jaanong ke mang yo o tla ntshetsang Morena neo kajeno ka boitumelo?” Ga itshupa ditlhogo tsa dikgoro le dikgosana tsa ditso tsa Iseraele le balaodi ba dikete le ba makgolo le baokamedi ba tiro ya kgosi gore ba rata go ntsha dineo. Ba ntshetsa kago ya Ntlo ya Modimo ditalente di le 5 000 tsa gouta le madi a gouta a diranta di le 20 000 le ditalente di le 10 000 tsa selefera le ditalente di le 18 000 tsa kgotlho le ditalente di le 100 000 tsa tshipi. Mme yo o neng a tshotse majwana a a tlhokegang a a tsenya mo khumong ya Ntlo ya Morena e e neng e okametswe ke Jehiele wa losika lwa ga Geresone. Mme batho ba itumelela bopelotshweu jwa bao, ka ba ne ba ntshetsa Morena ka pelo yotlhe e e thabileng; kgosi Dafita le ene a itumela ka boitumelo jo bogolo. Dafita a ba a boka Morena mo matlhong a phuthego yotlhe a re: “A go bokwe wena Morena, Modimo wa ga Iseraele rraetsho, go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng. Morena, bogolo ke jwa gago le thata le kgalalelo le tumiso le borena; kana tsotlhe tse di kwa legodimong le mo lefatsheng ke tsa gago; bogosi ke jwa gago, Morena; ke wena o itsholeditseng godimo ga tsotlhe, o le tlhogo. Khumo le tlotlo di tswa mo go wena; wena o mmusi wa tsotlhe; thata le nonofo di mo seatleng sa gago; go godisa le go tiisa mongwe le mongwe go mo seatleng sa gago. Ka moo he, Modimo wa rona, re a go leboga, re boka leina le le galalelang la gago. “Kana nna ke mang, morafe wa me ke bomang mo re ka bong re nonofa go ntsha dineo tse di kana ka boitumelo? Kana tsotlhe di tswa mo go wena, mme re go neetse fela tse di tswang mo seatleng sa gago. Kana re baeng le bajaki fa pele ga gago jaaka borraetsho botlhe. Malatsi a rona mo lefatsheng a tshwana le moriti go se na tsholofelo. Morena, Modimo wa rona, khumo yotlhe e, e re e kgobokantseng go go agela Ntlo ya leina le le boitshepo la gago e tswa mo seatleng sa gago; ke ya gago yotlhe. Modimo wa me, ke a itse gore o tlhatlhoba pelo, o natefelwa ke mannete; ka bonnete jwa pelo ya me ke ntshitse tsotlhe tse ka pelotshweu; ke bile ke bonye batho ba gago jaanong ka boitumelo ba ba leng fano ba go ntshetsa dineo ka bopelotshweu. Morena, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Iseraele borraetsho, boloka bopelotshweu jo bo ntseng jalo ka bosakhutleng, bo nne mo maikutlong le mo maikaelelong a dipelo tsa batho ba gago; o gogele dipelo tsa bone kwa go wena. O be o nee Salomo morwaake pelo ya nnete gore a tshegetse ditaelo tsa gago le ditshupo tsa gago le melao ya gago, a dirafatse tsotlhe, a age ntlo ya borena ya gago e ke e etleeleditseng.” Morago ga moo Dafita a raya phuthego yotlhe a re: “A ko lo bake Morena, Modimo wa lona!” Phuthego yotlhe ya baka Morena, Modimo wa borraabo; ba be ba inama, ba ikobela fatshe fa pele ga Morena le kgosi. Kamoso ba direla Morena ditlhabelo, ba fisetsa Morena ditlhabelo tsa phiso tsa dipoo di le sekete le diphelehu di le sekete le dikwana di le sekete mmogo le ditshupelo tsa noo tsa teng le ditlhabelo tse dintsi tse di jewang tsa Baiseraele botlhe. Ba a ja, ba nwa fa pele ga Morena ka letsatsi leo ka boitumelo jo bogolo; ba be ba dira Salomo morwa Dafita kgosi gape, ba mo tloletsa Morena go nna moeteledipele le Satoke go nna moperesiti. Salomo a nna jalo mo sedulong sa bogosi sa Morena, a nna kgosi mo boemong jwa ga Dafita rraagwe, a tlhogonolofala, mme Baiseraele botlhe ba mo utlwa. Dikgosana tsotlhe le bagale le bone bomorwa kgosi Dafita botlhe ba ikokobeletsa kgosi Salomo. Morena a nna a godisa Salomo mo matlhong a Baiseraele botlhe, a mo naya bogosi jo bo galalelang jo bo iseng bo ke bo nne mo kgosing epe ya Iseraele pele ga gagwe. Jalo he, Dafita morwa Isai e ne e le kgosi ya Baiseraele botlhe. Sebaka se o neng a busa Iseraele ka sona e ne e le dinyaga di le 40; a busa dinyaga di supa kwa Heberone; a ba a busa dinyaga di le 33 mo Jerusalema. A ba a swa a tsofetse sentle, a kgotshe malatsi le khumo le tlotlo, mme Salomo morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Mme ditirafalo tsa kgosi Dafita tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo ditirafalong tsa ga Samuele mmoni le mo ditirafalong tsa moporofeti Nathane le mo ditirafalong tsa ga Gate mmoni mmogo le dilo tsotlhe tsa bogosi jwa gagwe le tsa bogale jwa gagwe le tsa dipaka tse di dirafaletseng ene le Baiseraele le dipuso tsotlhe tsa mafatshe. Salomo morwa Dafita a itiisa bogosing jwa gagwe, mme Morena, Modimo wa gagwe, a nna nae, a mo dira yo mogolo mo go feteletseng. Letsatsi le lengwe Salomo a bua le Baiseraele botlhe le balaodi ba dikete le ba makgolo le baatlhodi le baetapele botlhe ba Iseraele, e bong ditlhogo tsa dikgoro, a ba a ya kwa thoteng ya tlhabelo ya Gibeone, a na le phuthego yotlhe; gonne teng go ne go le Tempelana ya Boipontsho ya Modimo, e Moše motlhanka wa Morena o neng a e dirile kwa sekakeng. Le gale Letlole la Modimo lone Dafita o ne a le tsere kwa Khiriathe-Jearime, a le isa felong fa a go le baakanyeditseng kwa Jerusalema; ka gonne o ne a le tlhometse tente teng. Mme aletare ya kgotlho e e neng e dirilwe ke Besalele morwa Uri morwa Hure yona e ne e le teng fa pele ga Tempelana ya Morena, mme Salomo le phuthego ba mo obamela teng. Salomo a dira ditlhabelo teng mo aletareng ya kgotlho fa pele ga Morena e e leng ya Tempelana ya Boipontsho, a dira ditlhabelo tsa phiso di le 1 000 mo go yona. Bosigo joo Modimo wa ipontsha mo go Salomo, wa mo raya wa re: “Kopa se o ratang ke se go naya.” Salomo a raya Modimo a re: “O diretse Dafita rre ka bopelotlhomogi jo bogolo; o bile o ntirile kgosi mo boemong jwa gagwe. Jaanong Morena Modimo, dirafatsa se o se solofeditseng Dafita rre; gonne o ntirile kgosi ya morafe o mogolo o o kana ka lerole la lefatshe. Ka moo he, mphe botlhale le tlhaloganyo gore ke itse go dira ka tshwanelo fa pele ga morafe o; go seng jalo go ka kgona mang go busa morafe o mogolo o wa gago?” Mme Modimo wa raya Salomo wa re: “E re ka selo se, se le mo pelong ya gago, mme o sa kope khumo le matlotlo le tlotlo le e seng loso lwa ba ba go tlhoileng, le gona o sa kope botshelo jo boleele, mme o ikopela botlhale le tlhaloganyo gore o tle o itse go busa morafe wa me o ke go dirileng kgosi ya ona, ka moo o newa botlhale le tlhaloganyo. Le gona ke tla go naya khumo le matlotlo le tlotlo tse di neng di sa tsholwa ke dikgosi tse di neng di le pele ga gago; le gona ga di kitla di bonwa ke ope sehularong sa gago.” Mme Salomo a tloga kwa thoteng ya tlhabelo e e kwa Gibeone, kwa Tempelaneng ya Boitshepo, a boela kwa Jerusalema, a busa Iseraele teng. Salomo a ikgobokanyetsa dikoloi tsa ntwa le bapalami ba dipitse; o ne a na le dikoloi tsa ntwa di le 1 400 le bapalami ba dipitse ba le 12 000; a ba baya kwa metseng ya dikoloi le mo Jerusalema fa kgosing. Kgosi ya dira gore go nne selefera le gouta mo Jerusalema tse di kana ka mafika; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane ka bontsi le megokare e e kwa nageng e e kwa tlase. Dipitse tsa ga Salomo di ne di tswa kwa Egepeto le kwa Kgoa; barekedi ba kgosi ba di reka kwa Kgoa ka madi. Ba reka koloi kwa Egepeto ka diselefera di le 600, le pitse ka di le 150; ba di mo rekela jalo go ya go di rekisa le mo dikgosing tsotlhe tsa Bahethe le mo dikgosing tsa Siria. Jaanong Salomo a ikaelela go agela leina la Morena Ntlo le go ikagela ntlo ya bogosi. Salomo a ntsha banna ba le 70 000 ba ba tla rwalang merwalo le banna ba le 80 000 ba ba tla betlang mafika kwa dithabeng le baokamedi ba bone ba le 3 600. Salomo a ba a roma kwa go Hurame, kgosi ya Tiro a re: “A ko o ntirele jaaka o kile wa direla Dafita rre, wa mo romela mesetere go ka ikagela ntlo e a nnang mo go yona. Itse gore ke batla go agela leina la Morena, Modimo wa me, Ntlo le go e mo itshepisetsa go tshuba maswalo fa pele ga gagwe, e bong maswalo a makga a a monate le go baya teng dinkgwe tsa tshupo ka gale le go dira ditlhabelo tsa phiso mo mosong le maitsiboa ka boSabata le ka ngwedi o o rogilweng le ka meletlo ya Morena, Modimo wa rona. Go dira jalo ke tshwanelo e e se neng e khutla ya Baiseraele. Mme Ntlo e ke ratang go e aga e tshwanetse go nna e kgolo; gonne Modimo wa rona o mogolo go feta medimo yotlhe. Kana ke mang yo o ka nonofang go o agela Ntlo, etswe loapi le magodimo otlhe di sa o lekane? Nna ke mang mo nka o agelang Ntlo? Kana ke felo ga go tshuba maswalo fela fa pele ga ona. Jaanong he, nthomele monna wa setswerere yo o ka dirang dilo tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho le tsa tshipi le tsa masela a mahibidu a bofifadu le a mahibidu a madi le a mabududu; yo o itseng go seta ditshwantsho mmogo le ditswerere tse ke nang natso mo Juta le Jerusalema tse di beilweng ke Dafita rre. O bo o nthomele dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese le tsa merukuru tsa kwa Lebanone; gonne ke a itse gore batlhanka ba gago ba itse go rema ditlhare tsa Lebanone. Mme batlhanka ba me ba tla thusanya le ba gago gore ke etleelediwe dikgong tse dintsi; gonne Ntlo e ke batlang go e aga e tla nna e kgolo e e gakgamatsang. Bona, batlhanka ba gago, e bong baremi ba ba remang ditlhare, ke tla ba naya dijo tsa dikgetse di le 20 000 tsa korong le dikgetse di le 20 000 tsa garase le dielo di le 20 000 tsa weine le dielo di le 20 000 tsa lookwane.” Hurame kgosi ya Tiro a araba ka lokwalo, a lo romela Salomo a re: “E re ka Morena a rata morafe wa gagwe, o go dirile kgosi ya one.” Hurame a ba a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele, yo o dirileng legodimo le lefatshe, yo o neileng kgosi Dafita morwa yo o botlhale yo o nang le tlhaloganyo le temogo, yo o batlang go agela Morena Ntlo le go ikagela ntlo ya bogosi. Jaanong he, ke go romela monna wa maatlametlo yo o nang le temogo, e bong Hurame-Abi. Ke morwa mosadi wa bomorwadia Dane, mme rraagwe ke monna wa mono Tiro; o itse go dira dilo tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho le tsa tshipi le tsa mafika le tsa dikgong le tsa masela a mahibidu a bofifadu le a mabududu le a masweu le a mahibidu a madi le go seta meseto ya mefutafuta le go akanya tiro nngwe le nngwe ka botswerere e a e neelwang mmogo le ditswerere tsa gago le tsa ga Dafita rraago, mong wa me. Mme jaanong fa e le korong le garase le lookwane le weine tse mong wa me a di umakileng, a a di romele batlhanka ba gagwe. Rona re tla rema ditlhare kwa Lebanone fela jaaka o di batla, re di go isetsa kwa Jafo mo lewatleng di patagantswe; wena o di tsee teng, o di ise kwa Jerusalema.” Salomo a ba a bala banna botlhe ba baeng ba ba neng ba le mo lefatsheng la Iseraele morago ga go bala mo Dafita rraagwe o neng a go badile; ga fitlhelwa ba le 153 600. Ba le 70 000 ba bone a ba dira barwadi ba merwalo, ba le 80 000 a ba dira babetli ba mafika kwa dithabeng, ba le 3 600 a ba dira baokamedi ba ba dirisang batho. Salomo a simolola go aga Ntlo ya Morena mo Jerusalema thabeng ya Moriya, kwa Morena o neng a iponaditse teng mo go Dafita rraagwe, mo felong fa Dafita o neng a go etleeditse mo seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi. O ne a simolola go aga ka letsatsi la bobedi la kgwedi ya bobedi ya ngwaga wa bone wa puso ya gagwe. E rile Salomo a simolola go aga Ntlo ya Modimo, a e thaya jaana: Boleele jwa nna mabogo a le 60 ka fa selekanyong sa pele, bophara jwa nna mabogo a le 20. Matseno a a neng a le fa mojako boleele jwa ona jo bo tsamayang le bophara jwa Ntlo e le mabogo a le 20; bogodimo jwa ona e le mabogo a le 20; a a manega gouta e e sa pekwang ka mo teng. Ntlo e kgolo a e manega dipati tsa mesiperese, a ba a e manega gouta e e sa pekwang; a dira ditshwantsho tsa mekolane le tsa dikeetane tsa dithunya mo go yona. A ba a manega Ntlo ya Modimo majwana a a tlhokegang go e kgabisa. Gouta e ne e tswa kwa Pharwaime. Le gona a manega Ntlo ya Modimo gouta, e bong ditlhomeso le direpodi le dipota tsa yona le ditswalo tsa yona; a seta boKerubime mo dipoteng. A ba a dira Ntlo e e Boitshepo-jwa-Maitshepo; boleele jwa yona jo bo tsamayang le bophara jwa Tempele jwa nna mabogo a le 20, le bophara jwa yona jwa nna mabogo a le 20; a e manega gouta e e sa pekwang ya ditalente di le 600. Bokete jwa dimapo e ne e le dišekele di le 50 tsa gouta. Le matlwana a a kwa godimo a a manega gouta. A ba a dira boKerubime ba le babedi mo Ntlong e e Boitshepo-jwa-Maitshepo, e le tiro ya botswerere, a ba manega gouta. Boleele jwa diphuka tsa boKerubime e ne e le mabogo a soma mabedi mmogo; lofuka lwa mongwe lwa mabogo a le matlhano lo ama lobota lwa Ntlo ka fa, lofuka lo longwe lwa mabogo a matlhano lo amana le lofuka lwa Kerubime yo mongwe fa gare. Lofuka lwa Kerubime yo mongwe lwa mabogo a matlhano le lone lo ama lobota lwa Ntlo ka fale; lofuka lo longwe lwa mabogo a matlhano lo kopana le lofuka lwa Kerubime yo mongwe fa gare. Diphuka tseo tsa boKerubime tsa bo di tsharologile mabogo a le 20; ba bo ba eme ka dinao, ba lebisitse difatlhego kwa Ntlong. A ba a dira lesire le masela a mabududu le a mahibidu a bofifadu le a mahibidu a madi le a masweu, a dira ditshwantsho tsa boKerubime mo go lone. A ba a dira maotwana a mabedi a boleele jwa mabogo a le 35 ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo ya Modimo; ditlhogo mo godimo ga ona, bogodimo jwa tsona e ne e le mabogo a le matlhano. A ba a dira dikeetane jaaka sebaga, a di gokelela mo ditlhogong tsa maotwana; a ba a dira digaranata di le 100, a di gokelela mo dikeetaneng. A ba a tlhoma maotwana fa mojakong wa Tempele, le lengwe ntlheng ya le le jang, le lengwe ntlheng ya la molema. Le le mo ntlheng ya le le jang a le bitsa Jagine, le le mo ntlheng ya la molema a le taya leina la Boase. Le gona a dira aletare ya kgotlho, boleele jwa yona e le mabogo a le 20 le bophara jwa yona e le mabogo a le 20, bogodimo jwa yona e le mabogo a le some. A ba a dira lewatle le le bopilweng la kgotlho; go le kgabaganya go tswa losing go ya losing e ne e le mabogo a le some; le le tshekeletsa; boteng jwa lone e le mabogo a le matlhano, mme mogala wa mabogo a le 30 o le kopanya tikologong. Ditshwantsho tsa diphare di ne di le dikologa ka fa tlase ga losi tikologong yotlhe; di ne di le some mo letsogong le le lengwe, di dikologa lewatle tikologong, e le methalo e mebedi ya diphare, di bopilwe mmogo le lewatle, fa le bopiwa. Le ne le pegilwe mo dikgomong di le 12, di le tharo di lebile kwa bokone, tse tharo kwa bophirimatsatsi, tse tharo kwa borwa, tse tharo kwa botlhabatsatsi, mme lewatle le le mo godimo ga tsona, marago otlhe a le ka fa tlase ga lone. Bokima jwa lobota lwa lone e ne e le bophara jwa seatla; losi lwa lone lo ne lo bopegile jaaka losi lwa nkgo jaaka sethunya se se thuntseng. Le ne le tladiwa ke dinkgo di le 3 000. A ba a dira megopo ya tlhatswetso e le some, a baya e metlhano ntlheng ya le le jang, e metlhano ntlheng ya la molema gore go tlhatswiwe mo go yona. Ba tsokotsa dilo tsa ditlhabelo tsa phiso mo go yona. Mme lewatle e ne e le la baperesiti go tlhapa mo go lone. A ba a dira ditlhomo tsa dipone tsa gouta di le some ka fa molaong wa tsona, a di baya mo Felong-ga-Boitshepo, tse tlhano mo ntlheng ya le le jang, tse tlhano mo ntlheng ya la molema. A ba a dira ditafole di le some, a di baya mo Felong-ga-Boitshepo, tse tlhano mo ntlheng ya le le jang, tse tlhano mo ntlheng ya la molema; a ba a dira dijana tsa go kgatsha di le lekgolo tsa gouta. A ba a dira lelapa la baperesiti le lelapa le legolo le ditswalo tsa lelapa; dipati tsa tsona a di manega kgotlho. Lewatle lone a le baya kwa sekhutlong sa Tempele mo botshekeng jwa borwa le botlhabatsatsi. Hurame a ba a dira dipitsa le diolola-molora le dijana tsa go kgatsha. Hurame a ba a fetsa go dira tiro e a e direlang kgosi Salomo kwa Ntlong ya Modimo: E bong maotwana a mabedi le dikgolokwe tsa ditlhogo tse di mo godimo ga maotwana a mabedi le ditharaanyo tse pedi tsa go kgabisa dikgolokwe tse pedi tsa ditlhogo tse di mo godimo ga maotwana le digaranata di le 400 tsa ditharaanyo tse pedi, e le dikeetane tse pedi tsa digaranata tsa tharaanyo nngwe le nngwe go kgabisa dikgolokwe tse pedi tsa ditlhogo tse di mo godimo ga maotwana le dikolotsana tsa tlhatswetso di le some le megopo e le some mo go tsona le lewatle le le lengwe le dikgomo di le 12 ka fa tlase ga lone le dipitsa le diolola-molora le diroophata le didiri tsotlhe tsa teng. Tsotlhe tseo Hurame-Abi a di direla kgosi Salomo go nna tsa Ntlo ya Morena, e le tsa kgotlho e e gotlhilweng. Kgosi ya laela Hurame go di bopa kwa lebaleng la Joretane ka dibopelo tsa mmu wa letsopa fa gare ga Sukothe le Sereta. Salomo a dira didiri tsotlhe tseo, e le tse dintsintsi; gonne bokete jwa kgotlho ya tsona bo ne bo se na selekanyo. Salomo a dira didiri tsotlhe tsa Ntlo ya Modimo, e bong aletare ya gouta le ditafole tsa dinkgwe tsa tshupo; le ditlhomo tsa dipone le dipone tsa tsona tsa gouta e e sa pekwang go di tshuba ka fa molaong ka fa ntle ga Felo fa go kwa Tengteng; le dithunya le dipone le dipoma tsa tsona tsa gouta; tsotlhe e le tsa gouta e e sa pekwang; le dithipa le dijana tsa go kgatsha le megopo le diolola-molora tsa gouta e e sa pekwang. Fa e le mojako wa Tempele, ditswalo tsa ona tsa ka fa teng tsa Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le ditswalo tsa Felo-ga-Boitshepo e ne e le tsa gouta. E rile tiro yotlhe e Salomo o neng a e direla Ntlo ya Morena e se na go wediwa, Salomo a tsenya dineo tse di boitshepo tsa ga Dafita rraagwe; a ba a tsenya selefera le gouta le dilo tsa mefutafuta mo dipolokelong tsa Ntlo ya Modimo. Sebakeng seo Salomo a phutha bagolo ba Iseraele le dikgosana tsotlhe tsa ditso le ditlhogo tsa dikgoro tsa Baiseraele, ba tla kwa Jerusalema go ya go tsaya Letlole la Kgolagano ya Morena kwa motseng wa ga Dafita o e leng Sione. Banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela kwa kgosing moletlong ka kgwedi ya bosupa. Jaanong e rile bagolo botlhe ba Iseraele ba sena go goroga, Balefi ba tsaya Letlole, ba tlisa Letlole le Tente ya Boipontsho le didiri tsotlhe tse di boitshepo tse di neng di le mo tenteng eo; baperesiti le Balefi ba di tlisa. Mme ya re kgosi Salomo le phuthego yotlhe ya Iseraele e e neng e phuthegetse kwa go ene, ba ntse ba le fa pele ga Letlole, ba tlisa ditlhabelo tsa difutshane le dikgomo tse di sa ka keng tsa balwa, le fa e le go akanngwa ka ntlha ya bontsi. Baperesiti ba isa Letlole la Kgolagano ya Morena kwa felong ga lone, kwa Felong fa go kwa Tengteng ga Tempele, kwa Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo fa tlase ga diphuka tsa boKerubime. Mme boKerubime ba bo ba tsharolotse diphuka godimo ga Letlole, ba sireleditse Letlole le disikari tsa lone, ba le okame. Mme disikari e ne e le tse ditelele mo dintlha tsa tsona tse di tswang Letloleng di neng di bonala ka fa ntle ga Felo fa go kwa Tengteng, mme di sa bonale ka kwa ntle; le ntse le le teng go fitlha letsatsing la kajeno. Go ne go se sepe mo Letloleng fa e se matlapa a mabedi a Moše o neng a a tsenya mo teng kwa Horebe, jale fa Morena a dira kgolagano le Baiseraele, fa ba tswa kwa Egepeto. Jaanong baperesiti ba tswa mo Felong-ga-Boitshepo. Kana baperesiti botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba iitshepisitse go sa tlhokomelwe kamogano ya ditlhopha mo tirong. Gape baopedi ba Balefi botlhe Asafe le Hemane le Jeduthune le bomorwaa-bone le ba ga bone ba ne ba eme ntlheng ya botlhabatsatsi ya aletare, ba apere masela a masweu, ba na le matlhao-a-mabogo le diharepa le dikwadi, mme baperesiti ba le 120 ba na nabo ba letsa diphala. Baletsi ba diphala le baopedi ba utlwala jaaka e kete ke lentswe la a le mongwe fela go baka le go leboga Morena; ya re ba tlhatlosa mantswe ka diphala le ka matlhao-a-mabogo le ka diletso tse dingwe le ka pako e e reng: Bakang Morena, gonne o molemo, mme bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng! Ntlo ya tlala leru la kgalalelo ya Morena. Mme baperesiti ba palelwa ke go ema le go dira tsa tirelo-Modimo ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo ya Morena e ne e tletse mo Ntlong ya Modimo. Ka nako ele Salomo a bua a re: “Morena a re, o rata go nna mo bontshong jwa maru. Mme nna ke go agetse Ntlo, ke bonno jo bo tlhomameng gore o nne teng ka bosakhutleng.” Jaanong kgosi ya retologa, ya tshegofatsa phuthego yotlhe ya Iseraele, phuthego e ntse e eme. Ya ba ya re: “A go tumisiwe Morena, Modimo wa Iseraele, o o dirafaditseng ka diatla tsa ona se o se solofeditseng Dafita rre ka molomo wa ona wa re: ‘E sa le ka letsatsi le ke ntshitseng morafe wa me kwa lefatsheng la Egepeto ka lone, ga ke ise nke ke tlhophe motse ope mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go aga Ntlo teng gore leina la me le nne teng; le gona ke ne ke ise ke tlhaole monna go nna kgosi ya morafe wa me wa Iseraele. Mme ke tlhophile Jerusalema gore leina la me le nne teng; ka ba ka tlhaola Dafita go nna mookamedi wa morafe wa me wa Iseraele.’ “Dafita rre o ne a ikaeletse go agela leina la Morena, Modimo wa Iseraele, Ntlo, mme Morena a raya Dafita rre a re: ‘Maikaelelo a pelo ya gago a go agela leina la me Ntlo a siame. Fela wena ga o ne o aga Ntlo ya me, mme morwao yo o tla mo tsalang ke ene yo o tla agelang leina la me Ntlo.’ “Jaanong Morena o dirafaditse lefoko la gagwe le o le buileng: Kana ke tsogile mo boemong jwa ga Dafita rre, ka nna mo sedulong sa bogosi sa Iseraele jaaka Morena a buile, ka agela leina la Morena, Modimo wa Iseraele, Ntlo. Ka ba ka baya Letlole teng, le tshupo ya kgolagano ya Morena e leng mo go lone e o e dirileng le Baiseraele.” Salomo a ba a ema fa pele ga aletare ya Morena a lebaganye le phuthego yotlhe ya Iseraele, a tsholetsa mabogo. Kana Salomo o ne a dirile sefata sa kgotlho, a se baya fa gare ga lelapa, boleele jwa sona e le mabogo a le matlhano le bophara jwa sona e le mabogo a le matlhano, bogodimo jwa sona e le mabogo a le mararo. Jaanong a ema mo go sona, a khubama ka mangole fa pele ga phuthego yotlhe ya Iseraele, a tsholeletsa mabogo kwa legodimong a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, kwa legodimong le mono lefatsheng ga go na modimo ope o o tshwanang nao. Wena o bolokela batlhanka ba gago kgolagano le bopelotlhomogi, fa ba sepela fa pele ga gago ka pelo yotlhe. Wena o diretse motlhanka wa gago Dafita rre tse o di mo solofeditseng. Ruri, o ne o di buile ka molomo wa gago, mme o bile o di dirafaditse ka seatla sa gago jaaka go ntse kajeno. Jaanong he, Morena, Modimo wa Iseraele, o dirafaletse motlhanka wa gago Dafita rre le tse o di mo solofeditseng wa re: ‘Ga o kitla o tlhoka monna fa pele ga me yo o dutseng mo sedulong sa bogosi sa Iseraele; go ka nna jalo fela fa bana ba gago ba disa tsela ya bone ka go sepela ka fa molaong wa me jaaka wena.’ Jaanong he, Morena Modimo wa Iseraele, a lefoko la gago le o le solofeditseng motlhanka wa gago Dafita le tlhomame. “Mme a ruri Modimo o ka nna le batho mo lefatsheng? Kana loapi le magodimo otlhe ga di go lekane. Jaanong Ntlo e ke e agileng yona e tlhaela bogolo jang! Morena, Modimo wa me, ngoka thapelo ya motlhanka wa gago le mokokotlelo wa gagwe gore o utlwe go goelela le go rapela mo motlhanka wa gago a go rapelang fa pele ga gago le gore matlho a gago e nne a a budulogetseng Ntlo e bosigo le motshegare, e bong felo fa o buileng ka ga gona wa re, o tla baya leina la gago teng; gape le gore o utlwe thapelo e motlhanka wa gago o tla e rapelang a lebile felo fano. A ko o utlwe mokokotlelo wa motlhanka wa gago le wa morafe wa gago wa Iseraele o ba tla o rapelang ba lebile felo fa; o o utlwe o le kwa felong fa o nnang teng kwa legodimong; mme o re o o utlwa, o ba itshwarele. “E re fa motho a leofetse mongwe-ka-ene, mme ba mo ikanisa gore a ikhutse, mme a tla a bua khutso fa pele ga aletare ya gago fa Ntlong e, foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshupe ka tiro, o direle batlhanka ba gago tshiamo ka go betsa moikepi, ka go digela ditiro tsa gagwe mo tlhogong ya gagwe le ka go atlholela mosiami o re, ga a na molato, ka go mo naya ka fa tshiamong ya gagwe. “E re fa morafe wa gago wa Iseraele o fenngwa ke mmaba, ka ba tla bo ba go leofetse, mme ba sokologela kwa go wena, ba ipolela leina la gago, ba rapela ba go kokotlela mo Ntlong e, foo o utlwe o le kwa legodimong o itshwarele boleo jwa morafe wa gago wa Iseraele, o ba busetse kwa nageng e o e ba fileng le borraabo. “E re fa legodimo le tswetswe, go se na pula, ka ba tla bo ba go leofetse, mme ba rapela ba lebile felo fa, ba ipolela leina la gago, ba boa ba tlogela boleo jwa bone, ka o tla bo o ba kokobetsa, foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshwarele boleo jwa motlhanka wa gago le jwa morafe wa gago wa Baiseraele – kana o ba ruta tsela e e siameng e ba tshwanetseng go sepela mo go yona – o nesetse lefatshe la gago pula le o le neileng morafe wa gago go nna boswa. “E re fa go le tlala mo lefatsheng, fa go le leroborobo, fa go le phori gongwe mongadule gongwe boijane gongwe tsie, fa mmaba wa morafe a o dikanyetsa ka ntwa mo lefatsheng kwa go nngwe ya dikgoro tsa ona, le fa go le pogo efe gongwe bolwetse bofe, foo o utlwe thapelo nngwe le nngwe. O utlwe selelo sengwe le sengwe, le fa e le sa motho ofe, le fa e le sa morafe otlhe wa gago wa Iseraele, ka ba tla bo ba lemoga mongwe le mongwe petso ya gagwe le botlhoko jwa gagwe, ba tsholeletsa mabogo kwa Ntlong e. Foo o utlwe o le kwa legodimong kwa bonnong jwa gago, o ba itshwarele, o nee mongwe le mongwe ka fa ditsamaong tsotlhe tsa gagwe. Kana o itse pelo ya gagwe; gonne ke wena o le wesi fela o itseng dipelo tsa bana ba batho gore ba go boife, ba sepele mo ditseleng tsa gago ka malatsi otlhe a ba phelang ka ona mo lefatsheng le o le neileng borraetsho. “Le ene moditšhaba yo e seng wa morafe wa gago wa Iseraele, fa a tswa kwa lefatsheng le le kgakala ka ntlha ya leina le legolo la gago le seatla sa gago se se thata le letsogo la gago le le otlologileng; fa a tla a rapela a lebile Ntlo e, foo o utlwe o le kwa legodimong kwa bonnong jwa gago, o dire fela jaaka moditšhaba a goela kwa go wena gore merafe yotlhe ya lefatshe e itse leina la gago, e go boife jaaka morafe wa gago wa Iseraele; e be e lemoge gore Ntlo e, e ke e agileng, ke e agetse leina la gago. “E re fa morafe wa gago o bolola go ya go tlhabana le baba ba ona ka taelo ya gago, mme ba go rapela ba lebile kwa motseng o, o ò o tlhophileng le kwa Ntlong e ke e agetseng leina la gago, foo o utlwe thapelo ya bone le selelo sa bone o le kwa legodimong, o ba direle tshiamo. “E re fa ba go leofela – kana ga go na motho ope yo o sa leofeng! – mme o ba galefela, o ba neela mo diatleng tsa mmaba, mme bathopi ba bone ba ba isa mo botshwarong kwa lefatsheng le le kgakala gongwe le le gaufi jaanong fa ba itshôla kwa lefatsheng le ba isitsweng teng mo botshwarong, ba sokologa, ba lelela kwa go wena ba le kwa lefatsheng la botshwaro jwa bone, ba re: ‘Re leofile, ra senya, ra ikepa!’ Fa ba boela jalo kwa go wena ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe ba le kwa lefatsheng la botshwaro jwa bone kwa ba isitsweng teng mo botshwarong, mme ba rapela ba lebile kwa lefatsheng la bone le o le neileng borraabo le kwa motseng o ò o tlhophileng le kwa Ntlong e ke e agetseng leina la gago, foo o utlwe thapelo ya bone le dilelo tsa bone o le kwa legodimong kwa bonnong jwa gago, o ba direle tshiamo, o itshwarele morafe wa gago o o go leofetseng. “Jaanong he, Modimo wa me, ka thapelo, a matlho a gago a buduloge, a ditsebe tsa gago di sekegelwe thapelo ya felo fa. Nanoga jaanong, Morena Modimo, o tle felong ga boikhutso jwa gago, wena le Letlole la thata ya gago. A baperesiti ba gago, Morena Modimo, ba apare pholoso; a ba o ba tlhomogetseng pelo ba itumedisiwe ka tse di molemo! Morena Modimo, se gane go utlwa motlodiwa wa gago; gakologelwa mapelotlhomogi a o a solofeditseng Dafita motlhanka wa gago.” E rile Salomo a sena go rapela, molelo wa fologa kwa legodimong, wa ja ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tse di jewang, mme kgalalelo ya Morena ya tlala ka Ntlo ya Modimo mo baperesiti ba bileng ba palelwa ke go tsena mo Ntlong ya Morena, ka kgalalelo ya Morena e ne e tletse mo Ntlong ya Morena. Ya re Baiseraele botlhe ba bona molelo o fologa le kgalalelo ya Morena e okame Ntlo ya Modimo, ba khubama, ba inamela fa fatshe ka difatlhego mo bodilong jwa matlapa, ba obamela, ba leboga Morena, ka a le molemo le bopelotlhomogi jwa gagwe e le jo bo sa khutleng. Mme kgosi le morafe otlhe ba direla Morena ditlhabelo. Kgosi Salomo a tlhaba ditlhabelo tsa dikgomo di le 22 000 le tsa difutshane di le 120 000; kgosi le morafe otlhe ba kgakola Ntlo ya Modimo jalo. Baperesiti ba bo ba eme mo mannong a bone, Balefi bone ba tshotse diletso tsa Morena tse di neng di dirilwe ke kgosi Dafita go leboga Morena, ka bopelotlhomogi jwa gagwe e le jo bo sa khutleng; e le sefela sa tebogo sa ga Dafita se lediwa ke bone. Mme baperesiti ba letsa diphala ba lebaganye nabo, Baiseraele botlhe ba ntse ba eme ka dinao. Mme Salomo a itshepisa bogare jwa lelapa le le mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo ya Morena; gonne teng a tlisa ditlhabelo tsa phiso le mafura a ditlhabelo tsa tebogo, ka aletare ya kgotlho e Salomo o e dirileng e ne e sa lekane ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura. Le gona ka sebaka seo Salomo a dira Moletlo malatsi a supa a na le Baiseraele botlhe, e le phuthego e kgolo thata e e tswang nageng yotlhe go tloga kwa Hamathe go ya go fitlha kwa molatswaneng wa Egepeto. A ba a dira kgobokano ya moletlo ka letsatsi la robedi; gonne ba ne ba dirile kgakolo ya aletare malatsi a supa le Moletlo malatsi a supa. Mme ka letsatsi la 23 la kgwedi ya bosupa a naya batho tsela, ba boela kwa magaeng ba itumetse, ba natefetswe ke tse di molemo tse Morena a di diretseng Dafita le Salomo le morafe wa gagwe wa Iseraele. Jaanong e rile Salomo a sena go fetsa Ntlo ya Morena le ntlo ya kgosi le go wetsa tsotlhe ka maatlametlo tse a neng a rata go di dira mo Ntlong ya Morena le mo ntlong ya gagwe, Morena a iponatsa gape mo go Salomo bosigo a mo raya a re: “Ke utlwile thapelo ya gago, ke bile ke itlhaoletse felo fa go nna Ntlo ya tlhabelo. Fa ke tswala legodimo, mme go se na pula, gongwe fa ke laela tsie go ja lefatshe, gongwe fa ke romela leroborobo mo morafeng wa me, mme morafe wa me o o bidiwang ka fa leineng la me o ikokobetsa, ba rapela, ba batla sefatlhego sa me, ba boa mo ditseleng tsa bone tse di bosula, foo ke tla utlwa ke le kwa legodimong, ke itshwarela boleo jwa bone, ke alafa lefatshe la bone. Jaanong matlho a me a tla bo a budulogile le ditsebe tsa me di sekegetswe thapelo ya felo fa. Mme go tloga jaanong ke tlhophile Ntlo e, ka ba ka e itshepisa gore leina le me le nne teng ka bosakhutleng. Mme matlho a me le pelo ya me di tla nna teng ka malatsi otlhe. Mme wena, fa o ka sepela fa pele ga me jaaka Dafita rraago a sepetse, wa dira fela jaaka ke go laetse, wa tshegetsa melao ya me le ditshiamelo tsa me, gona ke tla tlhomamisa sedulo sa bogosi jwa gago jaaka ke solofeditse Dafita rraago ka re: ‘Ga o kitla o tlhoka monna yo o busang Baiseraele.’ Mme fa lo ka ikepa, lwa tlogela melao ya me le ditaolo tsa me tse ke di lo neileng, lwa ya lwa direla medimo e sele, lwa e obamela, foo ke tla lo kumola, ke lo tlosa mo lefatsheng la me le ke le lo neileng. Mme Ntlo e, e ke e itshepiseditseng leina la me, ke tla e latlha, ke e tlosa fa pele ga me, ke e dira seane le tshotlego mo merafeng yotlhe. “Mme Ntlo e, e e neng e tlotlometse mo go fetisang, mongwe le mongwe yo o fetang fa go yona o tla rerega, a botsa a re: ‘Ke ka ntlha ya eng fa Morena a diretse lefatshe le, le Ntlo e ka mokgwa oo?’ Go tla arabiwa go twe: ‘E re ka ba tlogetse Morena, Modimo wa borraabo, o o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba ineela mo medimong e sele, ba e obamela, ba e direla, ke ka moo o ba dirafaleditseng tatlhego yotlhe e.’ ” E rile dinyaga di le 20 di sena go feta, tse Salomo o neng a aga Ntlo ya Morena le ntlo ya gagwe ka tsona Salomo a agelela metse e a e filweng ke Hurame, a ba a baya Baiseraele mo go yona. Salomo a ba a ya kwa Hamathe-Soba, a mo fenya, a agelela Thatemore kwa sekakeng le metse yotlhe ya difala e o neng a e aga kwa nageng ya Hamathe. A ba a agelela Bethorone-godimo le Bethorone-tlase, ya nna metse e e femetsweng ka dipota le ditswalo le mephakarego le Baalathe le metse yotlhe ya difala e Salomo o neng a na nayo le metse yotlhe ya dikoloi tsa ntwa le metse ya bapalami; a dira le tsotlhe tse di neng di mo kgatlha tse a ratang go di aga mo Jerusalema le kwa Lebanone le mo lefatsheng lotlhe la puso ya gagwe. Masalela otlhe a Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ba e seng ba Baiseraele bana ba bone ba ba setseng mo lefatsheng sehularong sa bone ba Baiseraele ba se kang ba ba nyeletsa, bone Salomo a ba dirisa tiro ya mokuio, ga nna jalo go fitlhelela letsatsing leno. Mme Salomo a se ka a dira makgoba ape mo Baiseraeleng a go dira tiro ya gagwe; gonne bone e ne e le batlhabani le balaodi ba bagale le balaodi ba dikoloi tsa gagwe le ba bapalami ba gagwe. Baokamedi ba bagolo ba kgosi Salomo ba ne ba le 250; bao ba ne ba okametse batho. Salomo a ba a ntsha morwadia Farao mo motseng wa ga Dafita, a mo isa kwa ntlong e o e mo agetseng; gonne o ne a re: “A go se nne mosadi ope wa me mo ntlong ya ga Dafita kgosi ya Iseraele; gonne mafelo ao a boitshepo, ka Letlole la Morena le tsenye mo go ona.” Metlheng eo Salomo a direla Morena ditlhabelo tsa phiso mo aletareng ya Morena e o e agileng fa pele ga matseno a Tempele; go ne go dirwa ditlhabelo tsa letsatsi lengwe le lengwe ka fa taelong ya ga Moše ka boSabata le ka dingwedi tse di rogilweng le ka malatsi a meletlo, gararo ka ngwaga, ka Moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang le ka Moletlo wa Dibeke le ka Moletlo wa Metlaagana. Le gona a tsenya ditlhopha tsa baperesiti mo tirelong ya bone ka fa taelong ya ga Dafita rraagwe le Balefi mo ditirong tsa bone tsa go baka Modimo le go thusa baperesiti gore go dirwe ka fa go batlegang letsatsi lengwe le lengwe ka teng; a ba a baya badisa ba dikgoro kwa kgorong nngwe le nngwe ka fa ditlhopheng tsa bone; gonne taelo ya ga Dafita monna wa Modimo e ne e re jalo. Mme ba se ka ba fapoga ka gope mo taelong ya kgosi ka ga baperesiti le Balefi le ka ga badisa ba matlwana a dikhumo. Tiro yotlhe ya ga Salomo ya wediwa go tloga letsatsing le Ntlo ya Morena e theilweng ka lone go fitlhelela e be e fediwe. Ntlo ya Morena ya agega jalo ka botlalo. Metlheng eo Salomo a ya kwa Esione-Gebere le kwa Elothe fa losing lwa lewatle kwa lefatsheng la Baetomo. Mme Hurame a mo romela dikepe ka batlhanka ba gagwe le batlhanka ba bangwe ba ba itseng lewatle. Bao ba ya kwa Ofire, ba na le batlhanka ba ga Salomo, ba tsaya teng ditalente di le 450 tsa gouta, ba di tlisetsa kgosi Salomo. E rile kgosigadi ya Šeba e utlwela tumedi ya ga Salomo, ya tla kwa Jerusalema go leka Salomo ka dipotso tse di thata, e na le lekoko le legolo thata le dikammele tse di belesitseng makga le gouta e ntsi le majwana a a tlhokegang; ya tla kwa go Salomo, ya mmotsa tsotlhe tse di neng di le mo pelong ya yona. Salomo a e ranolela dipotso tsotlhe tsa yona, go se na sepe se se mo fitlhegetseng se a paletsweng ke go se e tlhalosetsa. Mme ya re kgosigadi ya Šeba e bona botlhale jwa ga Salomo le ntlo e a e agileng le dijo tsa tafole ya gagwe le manno a batlhanka ba gagwe le tirelo ya badiredi ba gagwe le diaparo tsa bone le bathokedi ba gagwe le diaparo tsa bone le setlhabelo sa phiso sa gagwe se o neng a se dira kwa Ntlong ya Morena ya felelwa ke kakanyo, ya raya kgosi ya re: “Polelo e ke e utlwileng kwa lefatsheng la me ka ga gago le ka ga botlhale jwa gago e ne e le nnete. Mme ke ne ke sa dumele mafoko a bone ga tsamaya ka tla ka bona ka matlho, ka fitlhela tse ke di boleletsweng di fetwa ke bontlhanngwe jwa botlhale jo bogolo jwa gago. O gaisa tumedi e ke e utlwileng. Go tlhogonolo batho ba gago, go sego batlhanka ba gago ba, ba ba ntseng ba go direla ka gale, ba utlwa botlhale jwa gago. A Morena Modimo wa gago o tumisiwe o o kgatlhilweng ke wena, wa go baya mo sedulong sa bogosi sa ona, mme wa nna kgosi ya Morena, Modimo wa gago. E re ka Modimo wa gago o rata Baiseraele go ba tlhomamisa ka bosakhutleng, ke ka moo o go dirileng kgosi ya bone go dira ka tshiamo le tshwanelo.” Jaanong ya naya kgosi ditalente di le 120 tsa gouta le makga a mantsintsi le majwana a a tlhokegang. Makga a a kana ka ona a kgosigadi ya Šeba e a neileng kgosi Salomo a ne a ise a ke a nne teng. Le gona batlhanka ba ga Hurame le batlhanka ba ga Salomo ba ba neng ba tlisa gouta ya kwa Ofire ba tlisa dikgong tsa merukuru le majwana a a tlhokegang. Kgosi ya direla Ntlo ya Morena le ntlo ya kgosi mapalamo le dikwadi le diharepa tsa baopedi ka dikgong tse tsa merukuru; tse di tshwanang le tseo di ne di ise di ke di bonwe mo lefatsheng la Juta pele ga foo. Kgosi Salomo a naya kgosigadi ya Šeba tsotlhe tse e neng e di eletsa e di kopa, tsa gaisa tse e di tliseditseng kgosi thata. Jaanong ya hulara, ya boela kwa lefatsheng la yona e na le batlhanka ba yona. Bokete jwa gouta e e neng e tsisediwa Salomo ka ngwaga o le mongwe e ne e le ditalente di le 666 tsa gouta, go sa balwe tse di tswang go gweba le tse barekisi ba di tlisang; le dikgosi tsotlhe tsa Arabia le balaodi ba lefatshe ba nna ba tlisetsa Salomo gouta le selefera. Kgosi Salomo a dira dithebe di le 200 tsa gouta e e papetlilweng; thebe e le nngwe ya dirwa ka dišekele di le 600 tsa gouta e e papetlilweng; le dithejana di le 300 tsa gouta e e papetlilweng; thejana e le nngwe ya dirwa ka dišekele di le 300; kgosi ya di baya kwa Ntlong-ya-Sekgwa-sa-Lebanone. Le gona kgosi ya dira sedulo se segolo sa bogosi ka dinaka tsa tlou, ya se manega gouta e e sa pekwang. Sedulo seo sa bogosi se ne se na le mapalamo a le marataro le sebeo sa dinao sa gouta se se tshwaraganyeng le sedulo sa bogosi; manno a sona a ne a na le maikhutso a mabogo; ditau tse pedi tsa bo di eme fa thoko ga maikhutso ao. Ditau di le 12 tsa bo di eme teng mo mapalamong a marataro mo ditlhakoreng tsoo pedi. Ga go na bogosi bope jo bo kileng jwa direlwa tse di ntseng jalo. Dinwelo tsotlhe tsa kgosi Salomo e ne e le tsa gouta; dijana tsotlhe tsa Ntlo-ya-Sekgwa-sa-Lebanone e le tsa gouta e e sa pekwang; selefera e ne e sa kaiwe sepe mo malatsing a ga Salomo. Gonne kgosi e ne e na le dikepe tse di yang kwa Tharesise, di tsamaisiwa ke batlhanka ba ga Hurame. Dikepe tseo tsa Tharesise di ne di goroga mo gae gangwe mo ngwageng tse tharo, di tla di tshotse gouta le selefera le dinaka tsa tlou le dikgabo le diphikoko. Kgosi Salomo o ne a nna mogolo jalo, a feta dikgosi tsa lefatshe ka khumo le botlhale. Dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di ne di eletsa go bona Salomo gore di reetse botlhale jwa gagwe jo Modimo o neng o bo mo file mo pelong. Mongwe le mongwe wa tsona o ne a tla ka neo ya gagwe, e ka nna dilo tsa selefera gongwe tsa gouta gongwe dikobo gongwe dibolai gongwe makga gongwe dipitse gongwe meboulwe; go le jalo ka ngwaga le ngwaga. Salomo o ne a na le dipitse di le 4 000 le dikoloi le bapalami ba le 12 000. A di baya mo metseng ya dikoloi le mo Jerusalema fa kgosing. A busa dikgosi tsotlhe go tloga kwa nokeng ya Ferathe go ya kwa lefatsheng la Bafelesita le go fitlha molelwaneng wa Egepeto. Kgosi ya dira gore go nne selefera mo Jerusalema e e kana ka majwe ka bontsi; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane le megokare ya naga e e kwa tlase ka bontsi. Ba ne ba reka dipitse kwa Egepeto le kwa mafatsheng otlhe, ba di isetsa Salomo. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Salomo tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo ditirafalong tsa moporofeti Nathane le mo mafokong a boporofeti a ga Ahia wa kwa Silo le mo diponeng tsa ga Ito yo o neng a bolelela pele ka ga Jerobeame morwa Nebate. Salomo o ne a busa Baiseraele botlhe mo Jerusalema dinyaga di le 40. Salomo a robala le borraagwe, mme ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Rehabeame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Rehabeame a ya kwa Šegeme, gonne Baiseraele botlhe ba ne ba ile kwa Šegeme go mo tlhoma mo bogosing. E rile Jerobeame morwa Nebate a utlwa jalo a le kwa Egepeto kwa a neng a tshabetse teng, fa a tshaba kgosi Salomo, a boa kwa Egepeto. Mme Baiseraele ba roma go ya go mmitsa. Jerobeame a tla jalo a na le Baiseraele botlhe, mme ba bua le Rehabeame ba re: “Rraago o no a imafatsa joko ya rona. Jaanong he, wena o re imolole mo tirong e e thata ya ga rraago le mo jokong e e makete ya gagwe e a e re rwesitseng, foo re tla go direla.” Mme ene a ba raya a re: “Tsamayang mme lo boele go nna morago ga malatsi a le mararo.” Batho ba tsamaya. Ke fa kgosi Rehabeame a gakololana le banna bagolo ba ba neng ba direla Salomo rraagwe a sa ntse a phela a re: “Nkgakololang ka fa nka arabang morafe o ka teng.” Ba mo raya ba re: “Fa o ka dumalelana le batho ba, wa ba kgatlha, wa bua mafoko a bopelonomi nabo, ba tla nna batlhanka ba gago ka malatsi otlhe.” Mme a tlhokomologa kgakololo ya banna bagolo e ba e mo neileng, a ya go gakololana le ba bašwa ba ba godileng nae, ba ba mo direlang. A botsa a re: “Lona lo gakolola jang, ka fa re ka arabang batho ka teng ba ba ntheileng ba re: ‘Tlhofofatsa joko e rraago o e re rwesitseng’?” Ba bašwa bao ba ba godileng nae ba mo araba ba re: “O ree morafe o o buileng nao wa re: ‘Rraago o ne a imafatsa joko ya rona, mme wena o e re tlhofofaletse!’ – o ba arabe jaana o re: ‘Monwana o monnye wa me o feta letheka la ga rre ka bokima. Jaanong he, rre o ne a lo rwesa joko e e makete, mme nna ke tla oketsa joko ya lona bokete; rre o ne a lo otla ka dime, mme nna ke tla lo betsa ka diphepheng.’ ” Ka letsatsi la boraro ga tla Jerobeame le morafe otlhe kwa go Rehabeame jaaka kgosi e laetse ya re: “Boelang kwano go nna ka letsatsi la boraro.” Ke fa kgosi e ba naya karabo e e thata. Kgosi Rehabeame a tlogela kgakololo ya banna bagolo a bua nabo ka fa kgakololong ya ba bašwa a re: “Rre o imafaditse joko ya lona, mme nna ke tla e oketsa bokete. Rre o ne a lo betsa ka dime, mme nna ke tla lo betsa ka diphepheng.” Kgosi ya se ka ya utlwana le morafe. Mme e ne e le se se tswang kwa Modimong gore Morena a dirafatse lefoko la gagwe le o le buileng le Jerobeame morwa Nebate ka Ahia wa kwa Silo. Ya re Baiseraele botlhe ba bona kgosi e sa utlwane nabo, batho ba fetola kgosi ba re: “Ga re na kabelo mo go Dafita. Le gona ga re na boswa mo go morwa Isai. A mongwe le mongwe a boela kwa ditenteng tsa gagwe, Iseraele! Sala jalo le lelapa la gago Dafita.” Jaanong Baiseraele botlhe ba phatlalala, ba ya kwa ditenteng tsa bone. Mme Baiseraele ba ba neng ba agile mo metseng ya Juta bone ba busiwa ke Rehabeame. Mme ya re kgosi Rehabeame a romile Hatorame yo o neng a okametse badiri ba mekuio, Baiseraele ba mo kgobotletsa ka majwe, a ba a swa. Ke fa kgosi Rehabeame a itlhaganela, a palama koloi, a tshabela kwa Jerusalema. Baiseraele ba ne ba ikepa jalo mo ntlong ya ga Dafita go fitlha letsatsing la kajeno. E rile Rehabeame a fitlha kwa Jerusalema a feta a kgobokanya lotso lwa Juta le lwa Benyamene, e le banna ba ba tlhaotsweng ba batlhabani ba le 180 000, go ya go tlhabana le Baiseraele go busetsa bogosi go ene. Mme lefoko la Morena la tla kwa go Semaya, monna wa Modimo, la re: “Raya Rehabeame morwa Salomo kgosi ya Juta le Baiseraele botlhe kwa Juta le Benyamene o re: ‘Morena o bua jaana a re: Lo se ka lwa bolola go ya go tlhabana le ba ga lona. A mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe. Gonne selo se, se dirilwe ke nna.’ ” Ba utlwa mafoko a Morena, ba boa, ba se ka ba bololela Jerobeame. Rehabeame a nna mo Jerusalema, a agelela metse go nna e e femetsweng mo Juta. A agelela Betleheme le Etame le Thekoa le Betshure le Sogo le Adulame le Gathe le Mareša le Sife le Atoraime le Lagiše le Aseka le Sorea le Ayalone le Heberone. Ke yona metse e e ne ya femelwa mo Juta le Benyamene. A ba a tiisa metse e e femetsweng eo, a baya balaodi mo go yona le ditlamelo tsa dijo le lookwane le weine le dithebe le marumo mo motseng mongwe le mongwe, a e thatafatsa gagolo thata. Bajuta le Babenyamene e ne e le ba gagwe. Le baperesiti le Balefi ba ba neng ba le mo gare ga Baiseraele botlhe ba ineela mo go ene, ba huduga mo dinageng tsotlhe tsa bone. Gonne Balefi ba ne ba tlogela mafulo a bone le di-tsa-bone, ba ya kwa Juta le Jerusalema. Gonne Jerobeame le bomorwawe ba ne ba ba amogile boperesiti jwa Morena. Mme o ne a itlhometse baperesiti ba dithota tsa tlhabelo le ba didimo tsa sekaka le ba dinamane tse o di dirileng. Balefi ba latelwa ke ba ba ineetseng ka dipelo go batla Morena, Modimo wa Iseraele, ba tswa mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, ba ya kwa Jerusalema go direla Morena, Modimo wa borraabo, ditlhabelo. Ba tiisa bogosi jwa Juta, ba nonotsha Rehabeame morwa Salomo dinyaga di le tharo; gonne ba ne ba sepela mo tseleng ya ga Dafita le Salomo dinyaga di le tharo fela. Mme Rehabeame a tsaya Mahalathe go nna mosadi wa gagwe. Bagolo ba mosadi e ne e le Jerimothe morwa Dafita le Abihaile morwadia Eliabe morwa Isai. Ene a tshola nae bana ba basimane, e bong Jeuse le Semaria le Sahame. Morago ga Mahalathe a nyala Maaga morwadia Abesalomo; a tshola nae Abia le Athai le Sisa le Selomithe. Mme Rehabeame a rata Maaga morwadia Abesalomo bogolo go basadi le bagadingwana botlhe ba gagwe; gonne o ne a tsere basadi ba le 18 le bagadingwana ba le 60: a tsala bomorwa ba le 28 le bomorwadi ba le 60. Rehabeame a ba a tlhoma Abia morwa Maaga go nna tlhogo le moetapele wa bomorwa-rraagwe. Gonne o ne a ikaeletse go mo dira kgosi. Mme a dira ka botlhale, a kgaoganya bomorwawe botlhe, a ba baya kwa dinageng tsotlhe tsa Juta le Benyamene le kwa metseng yotlhe e e femetsweng, bangwe kwa, ba bangwe kwa gongwe, a ba naya bontsi jwa dijo, a ba batlela basadi ba bantsi. E rile Rehabeame a se na go tlhomamisa bogosi le go nna thata a tlogela molao wa Morena le Baiseraele botlhe nae. Mme ya re ka ngwaga wa botlhano wa puso ya gagwe Sisake kgosi ya Egepeto a bololela Jerusalema, ka ba ne ba diretse Morena ka boikanyologo. A tla a na le dikoloi tsa ntwa di le 1 200 le bapalami ba dipitse ba le 60 000; mme batlhabani ba ba duleng nae kwa Egepeto ba ne ba se na palo, e le ba Balebia le Basugi le Baethiopia. A thopa metse e e femetsweng ya Juta, a ba a tla kwa Jerusalema. Ke fa moporofeti Semaya a tla kwa go Rehabeame le kwa dikgosaneng tsa Juta tse di neng di phuthegetse kwa Jerusalema di tshabile Sisake, a ba raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Lona lo ntlogetse. Ke ka moo le nna ke lo tlogetseng lo le mo diatleng tsa ga Sisake.’ ” Foo dikgosana tsa Iseraele tsa ikokobetsa mmogo le kgosi tsa re: “Morena o mo nneteng.” E rile Morena a ba bona ba ikokobeditse, lefoko la Morena la tla kwa go Semaya la re: “E re ka ba ikokobeditse, ga ke ne ke ba senya, mme ke tla ba naya bobotlana jwa pholoso gore bogale jwa me bo se tshologele Jerusalema ka Sisake. Fela ba tla nna batlhanka ba gagwe gore ba lemoge pharologanyo ya go ntirela le go direla dikgosi tsa mafatshe.” Sisake kgosi ya Egepeto a bololela Jerusalema jalo, a amoga dikhumo tsa Ntlo ya Morena le dikhumo tsa ntlo ya kgosi, a tsaya dilo tsotlhe, a ba a tsaya le dithebe tsa gouta tse Salomo o di dirileng. Mo boemong jwa dithebe tseo kgosi Rehabeame a dira tsa kgotlho, a di neela mo diatleng tsa balaodi ba batabogi ba ba disang mojako wa ntlo ya kgosi gore ba di tlhokomele. Mme e ne ya re fa kgosi e tsena mo Ntlong ya Morena, batabogi ba tle, ba di tsholetse; morago ba di busetse ntlwaneng ya batabogi. Ya re ka Rehabeame a ikokobetsa, bogale jwa Morena jwa boa mo go ene, jwa se ka jwa mo nyeletsa gotlhe. Le gona dilo tse di siameng di ne di sa ntse di le teng mo Juta. Kgosi Rehabeame a itiisa jalo gape mo Jerusalema, a tswelela pele go busa. Rehabeame o ne a le dinyaga di le 41, fa a simolola go busa, a busa dinyaga di le 17 mo Jerusalema, ona motse o Morena o o tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go baya leina la gagwe teng. Leina la ga mmaagwe e ne e le Naama wa Moamone. A dira tse di bosula, ka a se ka a ineela ka pelo ya gagwe go batla Morena. Mme ditirafalo tsa ga Rehabeame tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo ditirafalong tsa moporofeti Semaya le tsa ga Ito mmoni ka fa lokwalong lwa ditshika. Mme go ne go ntse go le dintwa fa gare ga Rehabeame le Jerobeame ka metlha yotlhe. Mme Rehabeame a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme Abia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Abia o ne a simolola go busa Juta ka ngwaga wa 18 wa puso ya ga Jerobeame. A busa dinyaga di le tharo mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Migaya morwadia Uriele wa kwa Gibea. Mme go ne go le ntwa fa gare ga Abia le Jerobeame. Abia a simolola ntwa ka mephato ya batlhabani ba ba pelokgale ya banna ba ba tlhaotsweng ba le 400 000, mme Jerobeame a ipaakanyetsa go tlhabana nae ka banna ba ba tlhaotsweng ba bagale ba ba tiileng ba le 800 000. Mme Abia a ya a ema kwa godimo ga thaba ya Semaraime e e kwa dithabeng tsa Eferaime, a kua a re: “Wena Jerobeame le lona Baiseraele lotlhe, ntheetsang! A tota ga lo itse gore Morena, Modimo wa Iseraele, o neetse Dafita bogosi jwa Iseraele ka bosakhutleng, e bong ene le bomorwawe, e le kgolagano ya letswai? Mme Jerobeame morwa Nebate, motlhanka wa ga Salomo morwa Dafita, a nanoga, a tsogela morena wa gagwe. Mme banna ba ba botlhofo ba disenyi ba phuthegela kwa go ene, ba ikgantsha, ba kgona Rehabeame morwa Salomo. Kana Rehabeame o ne a le mošwa, a le pelo e boi, a tlhoka thata fa pele ga bone. Jaanong lona lo ithaya lo re, lo ka emelana le bogosi jwa Morena jo bo mo diatleng tsa bomorwa Dafita, ka lo le bontsi jo bogolo, lo na le dinamane tsa gouta tse Jerobeame o di dirileng go nna medimo ya lona. Kana lo lelekile baperesiti ba Morena, bomorwa Arone le Balefi, lwa itlhomela baperesiti jaaka merafe ya mafatshe a baheitane. Mongwe le mongwe yo o tlang ka poana le diphelehu di supa go tsenngwa mo tirong ya boperesiti ene a nne moperesiti wa dilo tse e seng medimo. “Mme rona – Modimo wa rona ke Morena – ga re a ka ra mo tlogela, mme bomorwa Arone ba direla Morena e le baperesiti le Balefi ba mo tirong ya bone. Ba tshubela Morena ditlhabelo tsa phiso ka gale mo mosong le maitsiboa le maswalo a a nkgang monate, ba bee dinkgwe tsa tshupo mo tafoleng e e phepa, ba tshube setlhomo, e bong dipone tsa sona ka gale maitsiboa. Gonne rona re tshegetsa thulaganyo ya tirelo ya Morena, Modimo wa rona, mme lona lo mo tlogetse. Bonang, Modimo o na le rona e le moeteledipele, le baperesiti ba na le dinaka tsa mokgosi wa ntwa tsa go lo tsosetsa tlhabano. Lona Baiseraele, se tlhabaneng le Morena, Modimo wa borraeno. Gonne ga lo ka ke lwa kgona sepe.” Mme Jerobeame a potolosa balaledi gore ba ba pote ka kwa morago. Ba bo ba lebaganye le Bajuta jalo, mme balaledi ba le kwa morago ga bona. Jaanong ya re Bajuta ba gadima, ba fitlhela tlhabano e ba lebile kwa pele le kwa morago. Ke fa ba goela Moreneng, mme baperesiti ba letsa dinaka, mme banna ba Juta ba thela lošalaba. Mme ya re banna ba Juta ba thela lošaba, Modimo wa itaya Jerobeame le Baiseraele botlhe fa pele ga Abia le Bajuta. Baiseraele ba tshaba Bajuta; Modimo wa ba neela mo diatleng tsa bone, mme Abia le batlhabani ba gagwe ba ba bolaya ka polao e kgolo, ga bolawa Baiseraele ba le 500 000, e le banna ba ba tlhaotsweng. Baiseraele ba ne ba kokobediwa jalo ka sebaka seo, mme Bajuta ba tia, ka ba ne ba ikaegile ka Morena, Modimo wa borraabo. Mme Abia a khutšhela Jerobeame, a mo amoga metse, e bong Bethele le metsana ya teng le Jesana le metsana ya teng le Eferone le metsana ya teng. Jerobeame a se ka a tlhola a na le thata malatsing a ga Abia, mme Morena a mo itaya a ba a swa. Abia ene a itshupa a le thata, a nyala basadi ba le 14, a tsala bomorwa ba le 22 le bomorwadi ba le 16. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Abia le mesepele ya gagwe le mafoko a gagwe di kwadilwe mo tlhalosong ya ga Ito moporofeti. Mme Abia a robala le borraagwe a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme Asa morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Mo metlheng ya gagwe lefatshe la nna mo kagisong dinyaga di le some. Asa a dira tse di molemo tse di siameng mo matlhong a Morena Modimo wa gagwe. A tlosa dialetare tsa medimo e sele le dithota tsa tlhabelo, a thubaganya majwe a a motloutlo, a rema medimako ya Ašera, a laela Bajuta gore ba batle Morena, Modimo wa borraabo, ba dire ka fa molaong le taolong tsa ona. A ba a tlosa dithota tsa tlhabelo le majwe a a motloutlo a letsatsi mo metseng yotlhe ya Juta, mme bogosi jwa nna mo kagisong ka puso ya gagwe. A ba a aga metse e e femetsweng mo Juta; gonne lefatshe le ne le iketlile, go se na ope yo o lwang nae ka dinyaga tseo, ka Morena a mo file boikhutso. Ke ka moo a reileng Bajuta a re: “A re ageng metse eo, re e agelele ka lobota le dinaka tsa phemelo le dikgoro le mephakarego, re sa ntse re le barena ba lefatshe. E re ka re tlhokometse Morena, Modimo wa rona, le ona o re tlhokometse, wa re naya boikhutso tikologong, wa re tsweletsa pele.” Asa o ne a na le mephato ya batlhabani ba Juta ba ba tshotseng dithebe le marumo ba le 300 000, le ba Benyamene ba ba tshotseng dithebe ba itse go hula ka mara, ba le 280 000; botlhe bao e ne e le batlhabani ba ba pelokgale. Ba kile ba bololelwa ke Sera wa Moethiopia, a tla a na le batlhabani ba le sedikadike le dikoloi tsa ntwa di le 300, a fitlha kwa Mareša. Ke fa Asa a bolola go mo kgatlhantsha, mme ba ikemisa ka thulaganyo ya tlhabano kwa mogorogorong wa Sefatha ntlheng ya Mareša. Mme Asa a rapela Morena Modimo wa gagwe a re: “Morena, ga go na ope kwa ntle ga gago yo o ka thusang, fa go tlhabana yo o thata le yo o bokoa. Re thuse, Morena Modimo wa rona, gonne re ikaega ka wena, mme re tsile go tlhabana le bontsi jo ka leina la gago. Morena, o Modimo wa rona. A motho a se ka a kgona sepe fa pele ga gago!” Mme Morena a itaya Baethiopia, ba fenngwa ke Asa le Bajuta, ba be ba tshaba. Asa le batlhabani ba ba nang nae ba ba khutšhela go ya go fitlha kwa Gerara, mme ga bolawa ba bantsi ba Baethiopia, mo ba paletsweng ke go tia gape; gonne ba ne ba remagantswe ke Morena le mephato ya gagwe, mme Bajuta ba bona thopo e kgolo thata, ba fenya metse yotlhe e e mo tikologong ya Gerara; gonne letshogo la Morena le ne le wetse mo go yona. Ba thukhutha metse yotlhe eo, ga nna thopo e kgolo mo go yona. Le gona ba thopa ditente tsa badisa ba diruiwa, ba gapa dinku tse dintsi le dikammele, ba be ba boela kwa Jerusalema. Ke fa Asaria morwa Otete a tsenwa ke Mowa wa Modimo, a tswa go kgatlhantsha Asa, a mo raya a re: “Ntheetsang, wena Asa le lona Bajuta le Babenyamene lotlhe: Morena o na le lona, fa lona lo na nae. Fa lo mmatla, lo tla mmona. Mme fa lo mo tlogela, o tla lo tlogela. Ke malatsi a mantsi Baiseraele ba ntse ba se na Modimo wa nnete, le e seng moperesiti yo o ba rutang le e seng molao. Mme e ne ya re ba boela kwa Moreneng, Modimo wa Iseraele, ba le mo tlalelong, ba mmatla, ba mmone. Metlheng eo ba ba bololang le ba ba gorogang ba tlhoke kagiso; gonne ditherego tse dikgolo di ne di imela baagi botlhe ba mafatshe. Setšhaba se bolawe ke setšhaba se sengwe le motse ke motse o mongwe, ka Modimo o ne o ba reregisa ka tlalelo ya mefutafuta. Mme lona, tiang lo tsenye marapo dinameng; gonne tuelo ya tiro ya lona e teng.” E rile Asa a utlwa mafoko ao le thero ya ga Asaria morwa Otete moporofeti, a itshupa a tiile, a tlosa medimo e e maila mo lefatsheng lotlhe la Juta le la Benyamene le mo metseng e o neng a e thopile kwa dithabeng tsa Eferaime; a ba a ntšhwafatsa aletare ya Morena e e neng e le fa pele ga matseno a Tempele ya Morena. A ba a phutha Bajuta botlhe le Babenyamene le baeng ba ba nang nabo, ba tswa kwa go Eferaime le Manase le Simeone; gonne bontsi jwa Baiseraele bo ne bo ngwegetse kwa go ene, ka ba bona Morena, Modimo wa gagwe, o na nae. Mme ba phuthegela kwa Jerusalema kgweding ya boraro ya ngwaga wa 15 wa puso ya ga Asa, ba direla Morena ditlhabelo ka letsatsi leo tsa thopo e ba boileng nayo, e bong dikgomo di le 700 le difutshane di le 7 000. Ba ipofa ka maikano a gore, ba tla batla Morena, Modimo wa borraabo, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le a gore, mongwe le mongwe yo o sa batleng Morena, Modimo wa Iseraele, a bolawe, yo mmotlana gongwe yo mogolo, monna gongwe mosadi. Ba ikanela Morena jalo ka lentswe le legolo le ka tuduetso le ka diphala le dinaka. Bajuta botlhe ba itumelela maikano ao; gonne ba ne ba ikanne ka pelo yotlhe, ba mmatlile ka thato yotlhe, mme ba mmona; Morena a ba naya boikhutso tikologong. Asa a koba Maaga mmaagwe, a mo ntsha mo bohumagading, ka a diretse Ašera setshwantsho se se maswe; Asa a se pšhwetlakanya, a se fisa nokaneng ya Kiterone. Le gale dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa mo Iseraeleng; fela pelo ya ga Asa e ne e se na molato ka malatsi otlhe a gagwe. Le gona a tsenya dineo tse di boitshepo tsa ga rraagwe le dineo tse di boitshepo tsa gagwe mo Ntlong ya Modimo, e bong selefera le gouta le dilwana. Mme go ne go se na ntwa go fitlhelela ngwageng wa 35 wa puso ya ga Asa. Ka ngwaga wa 36 wa puso ya ga Asa, Baesa kgosi ya Iseraele a bololela Juta, a agelela Rama gore a thibele batho go ka tsena gongwe go tswa kwa go Asa kgosi ya Juta. Ke fa Asa a ntsha selefera le gouta mo dikhumong tsa Ntlo ya Morena le tsa ntlo ya kgosi, a di romela kwa go Benehatate kgosi ya Siria e e neng e agile kwa Damaseko a re: “Go na le kgolagano fa gare ga me le wena le fa gare ga rre le rraago. Bona, ke go rometse selefera le gouta! Yaya o senye kgolagano ya gago le Baesa kgosi ya Iseraele gore a ntlogele.” Benehatate a utlwana le kgosi Asa, a roma balaodi ba mephato ya gagwe, ba bololela metse ya Iseraele, ba senya Iyone le Dane le Abele-Maime le metse yotlhe ya difala ya Nafetale. Ya re Baesa a utlwa jalo, a khutla go agelela Rama, a emisa tiro eo ya gagwe. Ke fa kgosi Asa a tsaya Bajuta botlhe, mme ba tlosa majwe a Rama le dikgong tsa teng tse Baesa o neng a agelela ka tsona, a agelela Geba le Mitsepha ka tsona. Ka sebaka seo ga tla mmoni Hanani kwa go Asa kgosi ya Juta, a mo raya a re: “E re ka o ikaegile ka kgosi ya Siria, mme o se ka wa ikaega ka Morena, Modimo wa gago, ke ka moo mephato ya kgosi ya Siria e falotseng mo diatleng tsa gago. A ga ke re, Baethiopia bale le Balebia bale e ne e le mephato e megolo, ba na le dikoloi tsa ntwa le bapalami ba dipitse ba bantsi thata. Mme e re ka o ne wa ikanya Morena, a ba neela mo diatleng tsa gago. Gonne matlho a Morena a ntse a sekaseka lefatshe lotlhe gore a itshupe a le thata go busa ba ba mo ineetseng ka pelo yotlhe. Golo fa o dirile ka bosilo. Gonne go tloga jaanong o tla tsogelwa ke dintwa.” Mme Asa a galefela mmoni, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo; gonne o ne a mo tukela bogale ka ntlha ya moo, a ba a gatelela bangwe ba morafe ke sebaka seo. Mme ditirafalo tsa ga Asa tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo dikwalong tsa dikgosi tsa Juta le Iseraele. E rile ka ngwaga wa 39 wa puso ya gagwe Asa a simolola go bolawa ke maoto, bolwetse jwa gagwe jwa nna jwa golela pele. Mme le mo bolwetseng jwa gagwe a se ka a batla thuso ya Morena, fa e se ya dingaka fela. Mme Asa a robala le borraagwe, a swa ka ngwaga wa 41 wa puso ya gagwe. Ba mo fitlha mo lebitleng la gagwe le o neng a le ikgabetse mo motseng wa ga Dafita; teng ba mo robatsa mo bolaong jo bo neng bo tletse makga le ditlhare tse di tlhakantsweng ka botswerere go dira ditlolo; ba mo tshubela maswalo a mantsi thata. Mme Josafate morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe; ene a itiisa go ka palela Iseraele. A baya mephato ya batlhabani mo metseng yotlhe ya Juta e e femetsweng; a baya balebedi ba puso mo nageng ya Juta le mo metseng ya Eferaime e Asa rraagwe o neng a e thopile. Morena o ne a na le Josafate; gonne o ne a sepela mo ditseleng tsa pele tsa ga Dafita rraagwe, a se ka a batla boBaale, mme a batla Modimo wa ga rraagwe, a sepela ka fa ditaelong tsa ona, e seng ka fa tirong ya Baiseraele. Ke ka moo Morena a tlhomamisitseng bogosi mo seatleng sa gagwe, mme Bajuta botlhe ba ntshetsa Josafate dineo, a bona khumo e ntsi le tlotlo e kgolo. Ya re ka a le mo ditseleng tsa Morena, a nna pelokgale, mo a bileng a tlosa dithota tsa tlhabelo le medimako ya Ašera mo Juta. Mme ka ngwaga wa boraro wa puso ya gagwe a roma dintona tsa gagwe, e bong Benehaile le Obatya le Sagaria le Nethanele le Migaya gore ba rute batho mo metseng ya Juta. Ba ne ba na le Balefi Semaya le Nethanya le Sebatya le Asahele le Semiramothe le Jonathane le Atonia le Tobia le Tobatonia – ke bone Balefi; ba bile ba na le baperesiti Elisama le Jorame. Ba ruta batho mo Juta, ba tshotse lokwalo lwa molao wa Morena, ba etela metse yotlhe ya Juta ka go e tlhomaganya, ba ruta morafe. Mme magosi otlhe a mafatshe a a mo tikologong ya Juta a ne a wetswe ke letshogo la Morena, mo a bileng a se ka a lwa le Josafate. Mme bangwe ba Bafelesita ba tsisetsa Josafate dineo le morwalo wa selefera. Baarabia le bone ba mo tsisetsa difutshane, e bong diphelehu di le 7 700 le diphoko di le 7 700. Josafate a nna a golela pele mo go fetisang, a aga matshabelo a a femetsweng le metse ya difala mo Juta. O ne a boloka dijo tse dintsi mo metseng ya Juta, a na le batlhabani ba ba bogale mo Jerusalema. Thulaganyo ya bone ka fa dikgorong tsa bone ke e: Balaodi ba dikete mo Juta ke ba: Ke molaodi Atena yo o neng a na le batlhabani ba ba pelokgale ba le 300 000. A tlhomagannwa ke molaodi Johanane yo o neng a na le batlhabani ba le 280 000. A tlhomagannwa ke Amasia morwa Sigeri yo o neng a ineetse Morena ka bopelotshweu, a na le batlhabani ba ba pelokgale ba le 200 000. Yo e leng wa Babenyamene e ne e le Eliata mogale tota yo o neng a na le banna ba le 200 000 ba ba tshotseng mara le dithebe. A tlhomagannwa ke Josabate yo o neng a na le banna ba mephato ba ba tlhometseng ba le 180 000. Ke bao ba neng ba direla kgosi, go sa balwe ba kgosi e neng e ba beile mo metseng e e femetsweng mo Juta yotlhe. E rile Josafate a sena go bona khumo e ntsi le tlotlo e kgolo, a batlela morwawe morwadia Ahabe. E rile dinyaga di sena go feta, a etela Ahabe kwa Samaria, mme Ahabe a mo tlhabela le batho ba ba nang nae bontsi jwa dinku le dikgomo, a ba a mo oka gore a bololele Ramothe wa Gileate nae. Ahabe kgosi ya Iseraele a botsa Josafate kgosi ya Juta a re: “A o tla ya le nna kwa Ramothe wa Gileate?” A mo araba a re: “Re tla ya mmogo kwa tlhabanong, nna le wena, morafe wa me le wa gago.” Josafate a ba a raya kgosi ya Iseraele a re: “A ko o botse lefoko la Morena pele.” Ke fa kgosi ya Iseraele e kgobokanya baporofeti, banna ba le 400, e ba botsa e re: “A ke ye go lwela Ramothe wa Gileate kampo ke lese?” Ba araba ba re: “Bolola, Modimo o tla mo neela mo seatleng sa kgosi.” Mme Josafate a re: “A ga go na moporofeti yo mongwe wa Morena mono yo re ka mmotsang?” Kgosi ya Iseraele ya araba Josafate ya re: “Go sa ntse go le monna a le mongwe yo re ka botsang Morena ka ene, mme ke mo tlhoile; gonne ga a bolelele pele tse di molemo ka ga me, fa e se tse di bosula fela ka gale. Ke Miga morwa Imela.” Mme Josafate a re: “A kgosi e se re jalo!” Ke fa kgosi ya Iseraele e bitsa modiredi mongwe wa lapa la yona e re: “Akofa o bitse Miga morwa Imela.” Mme kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bo di dutse nngwe le nngwe mo sedulong sa yona sa bogosi, di apere diaparo tsa bogosi, di dutse mo seboaneng fa mojakong wa kgoro ya Samaria, mme baporofeti botlhe ba ntse ba bolelela pele fa pele ga tsona. E bile Setekia morwa Kenana o ne a itiretse dinaka tsa tshipi, a tla natso a re: “Morena o bua jaana a re: ‘O tla tlhaba Basiria ka dinaka tse go fitlhelela ba felelele.’ ” Le baporofeti botlhe ba bolelela pele jalo ba re: “Bololela motse wa Ramothe kwa Gileate. O tla nna tlhogonolo, mme Morena o tla o neela mo seatleng sa kgosi.” Mme morongwi yo o neng a ile go bitsa Miga a mo raya a re: “Bona, mafoko a baporofeti a a utlwana, a molemo mo kgosing. Ka thapelo, a lefoko la gago le tshwane le la bone, o bue tse di molemo.” Mme Miga a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ke tla bua tse Modimo wa me o di ntaelang.” Ya re a fitlha kwa kgosing, kgosi ya mmotsa ya re: “Miga, a ke ye kwa Ramothe kwa Gileate go tlhabana kampo ke lese?” A e araba a re: “Bololang, lo tla nna tlhogonolo, mme ba tla neelwa mo diatleng tsa lona.” Mme kgosi ya mo raya ya re: “Ke go ikanise ga kae gore o se ka wa mpolelela sepe fa e se boammaaruri fela ka leina la Morena?” A fetola a re: “Ke bonye Baiseraele botlhe ba phatlaletse kwa dithabeng jaaka dinku tse di se nang modisa. Mme Morena a re: ‘Ga ba na morena. A mongwe le mongwe a boele kwa gae ka kagiso!’ ” Ke fa kgosi ya Iseraele e raya Josafate e re: “A ga ke a go bolelela gore Miga ga a bolelele pele tse di molemo ka ga me fa e se tse di bosula fela.” Miga a ba a re: “Ka moo utlwang lefoko la Morena. Ke bonye Morena a dutse mo sedulong sa gagwe sa bogosi le mephato yotlhe ya legodimo e eme mo ntlheng ya le le jang la gagwe le mo ntlheng ya la molema. Morena a re: ‘Ke mang yo o tla tsietsang Ahabe kgosi ya Iseraele gore a bolole, a tle a swele kwa Ramothe kwa Gileate?’ Mongwe a bua jaana, yo mongwe a bua ka go sele. Ga tlhagelela mowa wa ema fa pele ga Morena wa re: ‘Ke nna ke tla mo tsietsang.’ Mme Morena a o botsa a re: ‘Ka eng?’ Wa re: ‘Ke tla bolola go ya go nna mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe ba gagwe.’ Morena a re: ‘O tla mo tsietsa, le gona o tla mo kgona. Tsamaya o dire jalo.’ “Jaanong he, bona, Morena o tsentse mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe bao ba gago, mme tota Morena o buile tsa tatlhego ka ga gago.” Ke fa Setekia morwa Kenana a atamela a faphola Miga mo lesameng a re: “Mowa wa Morena o ntlogetse jang, wa bua nao?” Miga a araba a re: “O tla bona ka letsatsi leo o tla tsenang ntlo le ntlwana ka lone go batla maiphitlho.” Mme kgosi ya Iseraele ya re: “Tshwarang Miga, lo mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse le kwa go Joase morwa kgosi, lo re: ‘Kgosi e buile jaana ya re: Tsenyang yo mo ntlong ya kgolegelo, a jele bogobe tlase le metsi a se ka a mo lekana go fitlhelela ke boe ka kagiso.’ ” Mme Miga a re: “Fa o ka boa tota ka kagiso, Morena o tla bo a sa bua ka nna.” A ba a re: “Utlwang, lona merafe yotlhe!” Jaanong kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bololela Ramothe kwa Gileate. Mme kgosi ya Iseraele ya raya Josafate ya re: “Ke tla ba itimetsa, ke tsena jalo mo tlhabanong, wena o nne o ntse o apere diaparo tsa gago tsa bogosi.” Kgosi ya Iseraele ya apara diaparo di sele. Ba tsena jalo mo tlhabanong. Mme kgosi ya Siria e ne e laetse balaodi ba dikoloi tsa ntwa tsa yona ya re: “Lo se ka lwa tlhabana le ope yo monnye gongwe yo mogolo, fa e se le kgosi ya Iseraele e le yosi fela.” Jaanong e rile balaodi ba dikoloi ba bona Josafate, ba re: “Ahee, ke ene kgosi ya Iseraele!” Mme ba mo dikanyetsa go tlhabana nae. Ke fa Josafate a goa, mme Morena a mo thusa, Modimo wa ba tlakisa go mo tlogela. Ya re balaodi ba dikoloi ba lemoga gore ga se ene kgosi ya Iseraele, ba boa ba mo tlogela. Mme monna mongwe a gagamatsa bora, a hula fela ka phopholetso, a tlhaba kgosi ya Iseraele fa makopanong a diaparo tsa tshipi. Ke fa kgosi e raya mokgweeletsi wa yona e re: “Sokolola koloi, o nntshe mo tlhabanong, gonne ke khutlegile.” Jaanong ya re tlhabano e gakala ka letsatsi leo, kgosi ya Iseraele ya bo e eme ka go itshoka mo koloing e lebaganye le Basiria go ya maitsiboeng, mme ya swa, fa letsatsi le phirima. Mme Josafate kgosi ya Juta a boela gae kwa Jerusalema ka kagiso. Ke fa mmoni Jehu morwa Hanani a mo kgatlhantsha, a raya kgosi Josafate a re: “A ke tshwanelo go thusa moikepi? A o rata ba ba tlhoileng Morena? Ke ka moo bogale jwa Morena bo go tukelang. Le gale tse di siameng di fitlhetswe mo go wena, ka o nyeleditse medimako ya Ašera mo lefatsheng, wa ela tlhoko go batla Modimo.” Mme Josafate a nna kwa Jerusalema. A boela a tswela kwa bathong, a simolola kwa Bereseba go ya go fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime, a ba busetsa kwa Moreneng, Modimo wa borraabo. A ba a tlhoma baatlhodi mo lefatsheng mo metseng yotlhe ya Juta e e femetsweng. A ba a laela baatlhodi a re: “Elang tlhoko se lo se dirang. Gonne ga lo baatlhodi go direla batho, mme e le go direla Morena; e bile o na le lona mo ditshekong. Jaanong he, lo nne ba ba boifang Morena, lo dire ka tlhokomelo; gonne mo Moreneng, Modimo wa rona, ga go na tshiamololo le e seng go gobelelela motho le e seng go tshola thelesetso.” Le mo Jerusalema Josafate a tlhoma bangwe ba Balefi le ba baperesiti le ba ditlhogo tsa dikgoro tsa Baiseraele go emela tshiamo ya Morena le go seka dikgang tsa baagi ba Jerusalema. A ba a ba laela a re: “Dirang jaana ka go boifa Morena le ka boikanyego le ka pelo yotlhe: Tshekong nngwe le nngwe e e tlisiwang kwa go lona e tswa kwa go ba ga lona ba ba agileng kwa metseng ya bone, le fa e le ya polao gongwe ya molao le taolo gongwe ya ditshwanelo le ditshiamelo, lo ba tlhagise, e se re gongwe ba itsenya mo molatong fa pele ga Morena, mme bogale jwa tla, jwa lo betsa le ba ga lona. Dirang jalo; foo ga lo kitla lo nna molato. Mme bonang, Amaria moperesiti yo mogolo o tla lo okamela mo dilong tsotlhe tsa Morena le Sebatya morwa Isemaele, moetapele wa lotso lwa Juta, mo dilong tsotlhe tsa kgosi. Mme Balefi ba tla lo direla e le bakwaledi. Emang senna, lo tshware tiro. A Morena a nne le yo o siameng!” Morago ga tseo ga tla Bamoabe le Baamone le bangwe ba Bameuni ba na nabo, ba bololela Josafate go tlhabana nae. Ga tla ba ba bolelelang Josafate ba re: “Go tlhaga bontsi jo bogolo go tlhabana nao, bo tswa kwa moseja ga lewatle la letswai kwa Etomo. Ba setse ba fitlhile kwa Hasesone-Thamare, ke kwa Engedi.” Ke fa Josafate a boifa, a tlhokomela fela go batla Morena, a kua letsatsi la go itima dijo mo Juta yotlhe. Ga kgobokana Bajuta go batla thuso mo Moreneng; le gona ba tswa kwa metseng yotlhe ya Juta go batla Morena. Mme Josafate a ema fa pele ga phuthego ya Juta le Jerusalema ba le mo lapeng le lešwa la Ntlo ya Morena, a rapela a re: “Morena, Modimo wa borraetsho, a ga o Modimo kwa legodimong? A ga o mmusi wa magosi otlhe a merafe? Kana thata le bogale di mo seatleng sa gago, mme ga go na ope yo o ka emelanang nao. A ga ke re, wena Modimo wa rona o lelekile baagi ba lefatshe leno fa pele ga morafe wa gago wa Iseraele, wa le naya ba losika lwa ga Aborahame moratwa wa gago go nna la bone ka bosakhutleng. Ba nna mo go lone, ba agela leina la gago Ntlo e e Boitshepo mo go lone ba re: ‘Fa tatlhego e re wela, le fa e le tšhaka ya go re betsa gongwe leroborobo gongwe tlala, re tla ema fa pele ga Ntlo e le fa pele ga gago, gonne leina la gago le mo Ntlong e, re lelela kwa go wena re le mo tlalelong gore o tle o re utlwe, o re namolele.’ “Jaanong he, Baamone le Bamoabe le ba dithaba tsa Seire ke bale ba o kileng wa iletsa Baiseraele go tsena mo nageng ya bone, jale fa ba tswa kwa lefatsheng la Egepeto, mme ba ba fapoga, ba se ka ba ba nyeletsa. Bona, ba re leboga ka bosula, ba tla go re leleka mo bosweng jwa gago jo o bo re neileng go nna jwa rona. Modimo wa rona, a ga o ka ke wa ba atlhola, wa ba betsa? Gonne rona ga re na thata go ka emelana le masomosomo a, a a re bololetseng. Ga re itse se re ka se dirang, mme matlho a rona a lebeletse wena.” Bajuta botlhe ba bo ba eme fa pele ga Morena le bana ba bone le basadi ba bone le bomorwaa-bone. Mme Jahasiele morwa Sagaria morwa Benaya morwa Jehiele morwa Mathanya Molefi oora Asafe a tsenwa ke Mowa wa Morena mo gare ga phuthego a re: “Reetsang, lona Bajuta lotlhe le lona baagi ba Jerusalema le wena kgosi Josafate! Morena o lo raya jaana a re: ‘Se boifeng, lo se tshoge bontsi jo bogolo jo! Gonne tlhabano ga se ya lona, ke ya Morena. Kamoso lo ba bololele. Lo tla fitlhela ba tlhatlogela phateng ya Sise, lo kgatlhana nabo bofelong jwa molapo ntlheng ya botlhabatsatsi ya sekaka sa Jeruele. Ga go batlege gore lo tlhabane. Emang fela lo lebelele; lo tla bona pholoso e Morena o tla e lo direlang, lona ba Juta le Jerusalema. Lo se ka lwa boifa le e seng go tshoga. Bololang kamoso, lo ba kgatlhantshe, mme Morena o tla nna le lona.’ ” Ke fa Josafate a inamela fa fatshe ka sefatlhego, le Bajuta botlhe le baagi ba Jerusalema ba wela fa fatshe fa pele ga Morena go mo obamela. Jaanong Balefi boora Kahathe le Kora ba ema go baka Morena, Modimo wa Iseraele, ka mantswe a a tsholetsegileng mo go fetisang. Kamoso ba phakela, ba bololela kwa sekakeng sa Thekoa. Ya re ba bolola, Josafate a ema a re: “Nkutlweng, lona Bajuta le lona baagi ba Jerusalema: Dumelang mo Moreneng, Modimo wa lona, foo lo tla tlhomama; dumelang mafoko a baporofeti ba gagwe, foo lo tla tlhogonolofala.” A ba a gakololana le morafe, a tlhoma baopedi ba Morena gore ba tlhabe sefela sa pako, ba apere mokgabo o o boitshepo, ba eteletse ba ba tlhometseng pele ba re: “Lebogang Morena, gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.” Mme ya re fa ba simolola go duduetsa le go baka, Morena a ntsha balaledi ba ba lwang le Baamone le Bamoabe le ba dithaba tsa Seire ba ba neng ba tlile go tlhasela Bajuta, mme ba bolayana. Ke go re: Baamone le Bamoabe ba tsogela baagi ba dithaba tsa Seire go ba remaganya le go ba nyeletsa, mme ya re ba sena go fetsa baagi ba Seire, ba simolola go digelana mo tshenyegong. Jaanong ya re Bajuta ba fitlha kwa thoteng mo go bonalang sekaka sentle, ba lebelela bontsintsi jole, ba fitlhela e le ditoto fela di namaletse fa fatshe, go se na ope yo o falotseng. Mme Josafate le morafe wa gagwe ba atamela go tsaya thopo ya bone, ba fitlhela diruiwa ka bontsi le dithoto le diaparo le dilo tse di eletsegang, ba di ithukhuthela, mo ba bileng ba palelwa ke go di rwala; ba nna ba kgobokanya thopo malatsi a le mararo; gonne e ne e le ntsi. Mme ka letsatsi la bone ba phuthegela kwa Molapong wa Pako. Gonne ba ne ba baka Morena gona. Ke ka moo felo foo go teilweng leina la Molapo wa Pako go fitlhelela kajeno. Jaanong banna botlhe ba Juta le Jerusalema ba boa, ba eteletswe pele ke Josafate go boela kwa Jerusalema ka boitumelo, ka Morena a ne a ba itumedisitse mo babeng ba bone. Ba goroga kwa Jerusalema ka diharepa le dikwadi le diphala, ba ya kwa Ntlong ya Morena. Mme e rile ba magosi otlhe a mafatshe ba utlwa gore Morena o tlhabanye le baba ba Iseraele, theregiso ya Modimo ya ba wela. Mme bogosi jwa ga Josafate jona jwa iketla, mme Modimo wa gagwe wa mo naya boikhutso tikologong. Josafate a busa Juta jalo. E rile a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 35; a busa dinyaga di le 25 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Asuba morwadia Silegi. A sepela mo tseleng ya ga Asa rraagwe, a sa fapoge mo go yona; a dira tse di siameng mo matlhong a Morena. Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa. Batho ba ne ba ise ba ineele Modimo wa borraabo ka dipelo. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Josafate tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo ditirafalong tsa ga Jehu morwa Hanani tse di tsentsweng mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele. Morago ga moo Josafate kgosi ya Juta a ikgolaganya le Ahasia kgosi ya Iseraele yo o neng a dira tsa boikepo. A ikgolaganya nae go dira dikepe tsa go ya kwa Tharesise. Mme ba dira dikepe kwa Esione-Gebere. Mme moporofeti Eliesere morwa Dotawa wa kwa Mareša a kgalemela Josafate a re: “E re ka o ikgolagantse le Ahasia, Morena o sentse tiro ya gago.” Mme dikepe tsa robega, tsa palelwa ke go ya kwa Tharesise. Mme Josafate a robala le borraagwe, a ba a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita, mme Jorame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. O ne a na le bomonnawe bomorwa Josafate, e bong Asaria le Jehiele le Sagaria le Asariahu le Migaele le Sefatya; botlhe bao e le bomorwa Josafate kgosi ya Juta. Mme rraabo o ne a ba neile dineo tse dintsi tsa selefera le gouta le dilo tse di tlhokegang mmogo le metse e e femetsweng mo Juta, mme bogosi o bo neile Jorame, ka e le ene yo mogolo. Fela e rile Jorame a sena go tsena mo bogosing jwa ga rraagwe le go itiisa, a bolaya bomonnawe botlhe ka tšhaka le bangwe ba dikgosana tsa Iseraele. Jorame o ne a le dinyaga di le 32, fa a simolola go busa; a busa dinyaga di le robedi kwa Jerusalema. A sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele jaaka go ne go dira ba lapa la ga Ahabe; gonne morwadia Ahabe e ne e le mosadi wa gagwe. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Mme Morena a bo a sa rate go senya ntlo ya ga Dafita ka ntlha ya kgolagano e o kileng a e dira le Dafita le jaaka a ne a mo solofeditse go naya ene le bomorwawe lobone ka metlha yotlhe. Mo metlheng ya gagwe Baetomo ba ikepa mo pusong ya Juta, ba itlhomela kgosi ya bone. Ke fa Jorame a tshelela kwa moseja a na le balaodi ba gagwe le dikoloi tsotlhe tsa ntwa. Mme a tsoga bosigo, a sutlha mo go Baetomo ba ba mo tsentseng gare, a falola a na le balaodi ba dikoloi. Ka mokgwa oo Baetomo ba ikepa mo pusong ya Juta go fitlha letsatsing la kajeno. Foo ka sebaka seo ga ikepa le motse wa Lebena, wa tswa mo pusong ya gagwe; gonne o ne a tlogetse Morena, Modimo wa borraagwe. Le gona Jorame a dira dithota tsa tlhabelo mo dithabeng tsa Juta, a dirisa baagi ba Jerusalema boaka, a timetsa Bajuta jalo. Ke fa go tla lokwalo kwa go ene lo tswa kwa go moporofeti Elia lo re: “Morena, Modimo wa ga Dafita rraago, o bua jaana a re: ‘E re ka o se ka wa sepela mo ditseleng tsa ga Josafate rraago le e seng mo ditseleng tsa ga Asa kgosi ya Juta, mme o sepetse mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, wa dirisa Bajuta le baagi ba Jerusalema boaka jaaka go akafala ba lapa la ga Ahabe; o bile o bolaile bomonnao ba lapa la ga rrago ba ba neng ba siame bogolo go wena – bona, ka moo Morena o tla betsa morafe wa gago le bomorwao le basadi ba gago le di-tsa-gago tsotlhe ka petso e kgolo. Mme wena ka wesi o tla bolawa ke bolwetse jo bo setlhogo, e bong bolwetse jwa mala a gago go fitlhelela mala a gago a be a tswele kwa ntle ka bolwetse jwa malatsi a mantsi.’ ” Morena a dira jalo, a tsosetsa Jorame bogale jwa Bafelesita le jwa Baarabia ba ba bapileng le Baethiopia. Ba bololela naga ya Juta, ba e thopa, ba tlosa dithoto tsotlhe tse di neng di bonwa mo ntlong ya kgosi le bomorwaa-yona le basadi ba yona, ya se ka ya salelwa ke morwa fa e se Joahase yo mmotlana wa bomorwaa-yona. Morago ga tsotlhe tseo Morena a mmetsa mo maleng a gagwe ka bolwetse jo bo se nang kalafo. Mme ya re malatsi a mantsi, e bong dinyaga tse pedi di sena go feta, mala a gagwe a tswela kwa ntle ka bolwetse jwa gagwe, a ba a swela matlhokong a magolo. Mme morafe wa gagwe wa se ka wa mo tshubela maswalo jaaka ba a tshubetse borraagwe. O ne a le dinyaga di le 32 fa a simolola go busa; a busa dinyaga di le robedi kwa Jerusalema. A tlhokafala, mme go se na ope yo o mo hutsafaletseng, a ba a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme e seng mo mabitleng a dikgosi. Ke fa baagi ba Jerusalema ba dira Ahasia morwawe yo mmotlana kgosi mo boemong jwa gagwe. Gonne bomogolowe ba ne ba bolailwe botlhe ke lekoko le le tsenyeng le Baarabia mo bothibelelong. Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta a simolola jalo go busa. Ahasia o ne a le dinyaga di le 22, fa a nna kgosi; a busa ngwaga o le mongwe fela kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Athalea morwadia Ahabe morwa Omeri. Le ene a sepela mo ditseleng tsa lelapa la ga Ahabe; gonne mmaagwe e ne e le ene yo o mo gakololang go dira tsa boikepo. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena jaaka ba lelapa la ga Ahabe; gonne e ne e le bone bagakolodi ba gagwe morago ga loso lwa ga rraagwe, mme e le tshenyego ya gagwe. Le gona e ne e le ka fa kgakololong ya bone, fa a bolola le Jorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele go tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria kwa Ramothe wa Gileate; mme Basiria ba khutla Jorame. Ke fa a boa go alafiwa dintho kwa Iserele tse o di ntshitsweng kwa Ramothe, fa a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Mme Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta a ya go lekola Jorame morwa Ahabe kwa Iserele, ka a ne a lwala. Mme e ne e le tatlhego ya ga Ahasia e e tswang mo Modimong, fa a ya kwa go Jorame. Kana ya re a fitlha, a bolola le Jorame, ba ya kwa go Jehu morwa Nimesi yo Morena o neng a mo tloleditse gore a nyeletse ba lapa la ga Ahabe. Jaanong ya re Jehu a betsa ba lapa la ga Ahabe, a fitlhela dikgosana tsa Juta le bana ba bomogoloa Ahasia ba ba direlang Ahasia, mme a ba bolaya. A ba a batla Ahasia, mme ba mo tshwara a ntse a iphitlhile kwa Samaria, ba mo isa kwa go Jehu, ba mmolaya, ba mo fitlha, gonne ba re: “Ke morwa Josafate yo o neng a batla Morena ka pelo yotlhe.” Mme go ne go se na ope mo lapeng la ga Ahasia yo o nonofetseng bogosi. Mme e rile Athalea mmaagwe Ahasia a bona morwawe a sule, a nanoga, a nyeletsa botlhe ba losika lwa bogosi jwa Bajuta. Fela Jošabathe morwadia kgosi Jorame a tsaya Joase morwa Ahasia, a mo utswa mo gare ga bana ba kgosi ba ba tla bolawang, a mo tsenya le mmelegi wa gagwe mo ntlwaneng ya malao. Jošabathe morwadia kgosi Jorame mosadi wa ga Joyata moperesiti, – kana ene e ne e le kgaitsadia Ahasia – a mo subela Athalea jalo, mo a bileng a palelwa ke go mmolaya. Joase a nna nabo mo Ntlong ya Modimo a fitlhilwe dinyaga di le thataro, Athalea a ntse a busa lefatshe. Mme ka ngwaga wa bosupa Joyata a beta pelo, a tsaya balaodi ba makgolo, e bong Asaria morwa Jerohame le Isemaele morwa Johanane le Asaria morwa Obete le Maaseya morwa Ataya le Elisafate morwa Sigeri, a dira kgolagano nabo. Bona ba tlhatlologanya dinaga tsa Juta, ba phutha Balefi metseng yotlhe ya Juta le ditlhogo tsa dikgoro tsa Iseraele, mme ba tla kwa Jerusalema. Ke fa phuthego yotlhe e dira kgolagano le kgosi mo Ntlong ya Morena, mme Joyata a ba raya a re: “Bonang, morwa kgosi o tla nna kgosi jaaka Morena a buile ka ga bomorwa Dafita. Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Lo ditlhopha tse tharo. Ba setlhopha sa ntlha sa lona baperesiti le Balefi ba ba tleng ba ye gae ka Sabata ba dise mejako ya Tempele. Ba setlhopha sa bobedi ba dise ntlo ya kgosi; ba setlhopha sa boraro ba dise Kgoro ya Motheo; mme batho botlhe ba bangwe ba nne kwa malapeng a Ntlo ya Morena. A go se ka ga tsena ope mo Ntlong ya Morena fa e se baperesiti le Balefi ba ba direlang; bone ba ka tsena, gonne ba boitshepo; mme batho botlhe ba tlhokomele thulaganyo ya Morena. Mme Balefi ba eme tikologong ya kgosi, mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe. Yo o ka reng o a tsena mo Ntlong ya Modimo a bolawe. Lo nne le kgosi, fa e tsena le fa e tswa.” Balefi le Bajuta botlhe ba dira fela jaaka Joyata moperesiti a laetse; mongwe le mongwe a tsaya banna ba gagwe ba ba yang gae ka Sabata le ba ba tlang tirong ka Sabata; gonne Joyata moperesiti a se ka a naya ditlhopha tse di gologileng tsela. Mme Joyata moperesiti a neela balaodi ba makgolo marumo le dithebe le dithejana tsa kgosi Dafita tse di neng di le mo Ntlong ya Modimo. A ba a emisa batho botlhe, ba tshwere marumo ka diatla go tloga sekhutlong sa Tempele sa borwa go fitlha sekhutlong sa Tempele sa bokone fa gare ga aletare le Tempele gore ba nne mo tikologong ya kgosi. Jaanong ba ntsha morwa kgosi, ba mo rwesa serwalo sa bogosi le tshupo ya molao, ba mo dira kgosi, mme Joyata le bomorwawe ba mo tlotsa ba re: “A kgosi e tshele!” Mme e rile Athalea a utlwa modumo wa batho ba ba tabogang le go dudueletsa kgosi, a ya kwa bathong kwa Ntlong ya Morena. A leba a bona kgosi e eme mo sefateng sa yona fa mojakong wa Tempele le dikgosana le ba diphala ba le fa kgosing le batho botlhe ba kwa nageng ba thabile, ba letsa diphala, le baopedi ba tshwere diletso, ba letsa tsa go duduetsa. Ke fa Athalea a ikgagola diaparo a re: “A pheretlhego! A pheretlhego!” Mme moperesiti Joyata a laela balaodi ba makgolo le baokamedi ba mephato, a ba raya a re: “Mo ntsheng lo mo tsenye fa gare ga batlhabani ba ba bopeletseng. Yo o mo salang morago a a bolawe ka tšhaka.” Gonne moperesiti o ne a laetse a re: “Lo se ka lwa mmolaela fa Ntlong ya Morena.” Ba mo tshwara, mme ya re a fitlha kwa kgorong ya dipitse ya lelapa la kgosi, ba mmolaela teng. Ke fa Joyata a dira kgolagano fa gare ga gagwe le morafe otlhe le kgosi ya gore, ba tla nna morafe wa Morena. Ya ba gona batho botlhe ba tsenang mo tempeleng ya ga Baale ba e diga, ba thubaganya dialetare tsa yona le ditshwantsho tsa yona, ba bolaya Mathane moperesiti wa ga Baale fa pele ga dialetare. Joyata a ba a tsenya kokamelo ya Ntlo ya Morena mo diatleng tsa baperesiti le Balefi ba Dafita o neng a ba kgaogantse ditlhopha tse di amoganang tirelong ya Ntlo ya Morena gore ba dire ditlhabelo tsa phiso tsa Morena ka boitumelo le kopelo ka taelo ya ga Dafita jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moše. A ba a tlhoma badisa fa dikgorong tsa Ntlo ya Morena gore go se ka ga tsena ope yo o itshekologileng ka sengwe. Jaanong a tsaya balaodi ba makgolo le batlotlegi le dikgosana le batho botlhe ba kwa nageng, a folosa kgosi mo Ntlong ya Morena, ba tsena ka kgoro e e kwa godimo mo ntlong ya kgosi, ba baya kgosi mo sedulong sa bogosi. Mme batho botlhe ba kwa nageng ba itumela, motse ona o iketlile. Athalea ba mmolaile ka tšhaka. E rile Joase a simolola go busa, a bo a le dinyaga di supa; a busa dinyaga di le 40 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Sibja wa Bereseba. Joase a dira tse di siameng mo matlhong a Morena ka malatsi otlhe a ga Joyata moperesiti. Joyata a mmatlela basadi ba le babedi, mme a tsala bomorwa le bomorwadi. Morago ga moo Joase a ikaelela go ntšhwafatsa Ntlo ya Morena. A kgobokanya baperesiti le Balefi a ba laela a re: “Tswelang kwa metseng ya Juta, lo phuthe madi mo Baiseraeleng botlhe a go baakanya Ntlo ya Modimo wa lona ka ngwaga le ngwaga, lo itlhaganele go dira jalo.” Mme Balefi bone ba se ka ba itlhaganela. Ke fa kgosi e bitsa Joyata moperesiti yo mogolo e mmotsa e re: “Ke go reng, fa o sa ela tlhoko gore Balefi ba ntshise ba Juta le Jerusalema lekgetho le le beilweng ke Moše motlhanka wa Morena le ntshediwa Tente ya Tshupo ke phuthego ya Baiseraele.” A re jalo ka gonne bomorwa Athalea wa moikepi ba ne ba tlhokomologile ditshenyego tsa Ntlo ya Modimo, ba bile ba neetse boBaale dineo tsotlhe tse di boitshepo tsa Ntlo ya Morena. Mme ka taelo ya kgosi ba dira letlole, ba le baya ka kwa ntle fa kgorong ya Ntlo ya Morena. Ba be ba tlhaba mokgosi mo Juta le Jerusalema o o reng: “A go ntshediwe Morena lekgetho le Moše motlhanka wa Modimo o kileng a le beela Baiseraele kwa sekakeng.” Ke fa dikgosana tsotlhe le batho botlhe ba le tlisa ka boitumelo, ba le latlhela mo letloleng ga tsamaya ba fetsa. E ne ya re fa letlole le isiwa go baokamedi ba kgosi ke Balefi, mme ba fitlhela madi a le mantsi, go tle mokwaledi wa kgosi le mookamedi wa moperesiti yo mogolo, ba tsholole letlole, ba be ba le tsee, ba le busetse kwa mannong a lone. Ba ne ba dira jalo ka letsatsi le letsatsi, ba phutha madi a mantsi. Jaanong kgosi le Joyata ba a neela baokamedi ba tiro kwa Ntlong ya Morena; bone ba rapa babetli ba majwe le ba dikota gore ba ntšhwafatse Ntlo ya Morena le bathudi ba tshipi le ba kgotlho gore ba baakanye Ntlo ya Morena. Baokamedi ba ne ba dira, mme tiro ya paakanyo ya tswelela pele ka diatla tsa bone; ba tsosa Ntlo ya Modimo jaaka e ne e ntse pele, ba e tiisa sentle. Ya re ba sena go fetsa, ba isa madi a a setseng kwa kgosing le go Joyata, ga dirwa didiri tsa Ntlo ya Morena ka ona, didiri tsa tirelo le tsa go dira ditlhabelo le megopo le dilo tsa gouta le selefera. Ba tswelela go dira ditlhabelo tsa phiso fa Ntlong ya Morena ka gale ka malatsi otlhe a ga Joyata. Jaanong Joyata a tsofala a jele lefatshe, a swa; ya re a swa, a bo a le dinyaga di le 130. Ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafita fa dikgosing; gonne tse o di diretseng Iseraele le Modimo le Ntlo ya ona e ne e le tse di molemo. Mme ya re Joyata a sena go swa, dikgosana tsa Juta tsa tla tsa ikobela kgosi. Ke fa kgosi e utlwana nabo, mme ba tlogela Ntlo ya Morena, Modimo wa borraabo, ba direla medimako ya Ašera le medimo ya diseto. Ka ntlha ya molato oo bogale jwa Morena jwa wela Juta le Jerusalema. Ke fa Morena a roma baporofeti kwa go bone go ba busetsa kwa Moreneng le go ba tlhagisa, fela ba gana go utlwa. Mme Mowa wa Modimo wa tsena mo go Sagaria morwa Joyata moperesiti, mme a ema fa pele ga morafe, a ba raya a re: “Modimo o bua jaana wa re: ‘Ke ka ntlha ya eng fa lo tlola ditaolo tsa Morena, mo jaanong lo tlhokang lesego; e re ka lo tlogetse Morena, le ene o lo tlogetse.’ ” Ke fa ba mo tsosetsa moferefere, ba mo kgobotletsa ka majwe ka taelo ya kgosi mo lapeng la Ntlo ya Morena. Kgosi Joase a se ka a ngoka bopelotlhomogi jo Joyata rraagwe a bo mo diretseng, mme a bolaya morwawe; jaanong ya re a swa, a bua a re: “Morena a se bone, a se beletse!” Ga nna jalo, ya re ngwaga o sena go feta batlhabani ba Siria ba mmololela, ba tla kwa Juta le Jerusalema, ba bolaya dikgosana tsotlhe tsa morafe mo morafeng, ba romela thopo yotlhe ya bone kwa kgosing ya Damaseko. Le fa batlhabani ba Siria ba ne ba tlile e le banna ba se kae fela, Morena a neela bontsi jo bogolo jwa batlhabani ba Juta mo diatleng tsa bone, ka ba ne ba tlogetse Morena, Modimo wa borraabo. Ga dirafalediwa Joase petso jalo. Mme ya re ba tloga mo go ene, a bo a le mo malwetseng a magolo, mme batlhanka ba gagwe ba mo tsosetsa moferefere ka ntlha ya madi a ga morwa Joyata moperesiti, ba mmolaya a le mo bolaong jwa gagwe, mme a swa; ba be ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafita, mme e seng mo mabitleng a dikgosi. Ba ba neng ba mo tsosetsa moferefere ke Sabate morwa Simeathe mosadi wa Moamone le Josabate morwa Simerithe mosadi wa Momoabe. Fa e le bomorwawe le bontsi jwa mafoko a baporofeti a go mo kgalemela le ntšhwafatso ya Ntlo ya Modimo kana di kwadilwe mo tlhalosong ya lokwalo lwa dikgosi. Mme Amasia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. E rile Amasia a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 25; a busa dinyaga di le 29 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Joatane wa Jerusalema. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena, fela e seng ka pelo yotlhe. Mme e rile bogosi bo sena go mo tlhomamela a bolaya batlhanka ba gagwe ba ba bolaileng kgosi rraagwe. Fela a se ka a bolaya bomorwaa-bone, mme a dira jaaka go kwadilwe mo molaong mo lokwalong lwa ga Moše, fa Morena a laetseng teng a re: “A borra-bana ba se ka ba swela bana, le bana ba se ka ba swela borraabo; gonne mongwe le mongwe o tshwanetse go swela boleo jwa gagwe fela.” Amasia o kile a phutha ba Juta, a ba rulaganya ka fa dikgorong, ba okametswe ke balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo, e bong Bajuta le Babenyamene botlhe; a ba bala go simolola ka ba ba dinyaga tse di 20 le bomogoloa-bone, a fitlhela ba ba tlhaotsweng ba le 300 000 ba ba ka bololang mephatong, ba tshotse marumo le dithebe. Le gona a rapa bagale ba le 100 000 kwa Iseraeleng ka ditalente di le 100 tsa selefera. Fela monna wa Modimo a tla kwa go ene a re: “Kgosi, a mephato ya Iseraele e se ka ya ya nao; gonne Morena ga a na le Baiseraele le e seng le Baeferaime botlhe. Mme o ye o le wesi, o itshupe o le thata mo tlhabanong. Go seng jalo Modimo o tla go diga fa pele ga mmaba. Gonne Modimo o na le thata go ka thusa le go ka diga.” Mme Amasia a botsa monna wa Modimo a re: “Ke direng ka ditalente di le 100 tse ke di neileng lesomo la Baiseraele?” Monna wa Modimo a re: “Morena o nonofile go go naya tse dintsi tse di fetang tseo.” Ke fa Amasia a ba tlhaola, e bong lesomo le le tsileng kwa go ene la Baeferaime gore ba boele kwa gae. Mme ba tukela Bajuta bogale thata, ba boela kwa gae ka bogale ba gaketse. Amasia a ba a nna pelokgale, a goga batlhabani ba gagwe, a ya kwa lebaleng la letswai, a bolaya ba Seire ba le 10 000. Bajuta ba tshwara ba le 10 000 ba bangwe gape ba sa phela, ba ba isa kwa godimo ga makgotlho a thaba, ba ba diga mo setlhoeng sa makgotlho, mme ba phanyega botlhe. Mme ba lesomo le Amasia a le busitseng gore ba se ka ba ya nae kwa tlhabanong, ba thukhutha mo metseng ya Juta go tloga kwa Samaria go fitlha kwa Bethorone, ba bolaya ba le 3 000 ba teng, ba thopa thopo e kgolo. Jaanong ya re Amasia a boa a sena go bolaya Baetomo, a tla le medimo ya ba Seire, a feta a e ipeela go nna medimo ya gagwe, a e obamela a e tshubela maswalo. Ke fa Morena a tukela Amasia bogale, a roma moporofeti kwa go ene go ya go mo raya a re: “O obamelelang medimo ya morafe e e se kang ya namolela morafe wa yona mo diatleng tsa gago?” Ya re a bua nae, Amasia a mo fetola a re: “O dirilwe ke mang mogakolodi wa kgosi? Didimala! Go seng jalo o tla itewa.” Ke fa moporofeti a didimala ka go re: “Ke lemoga gore Modimo o ikaeletse go go senya, ka o dirile jalo, mme o sa reetse kgakololo ya me.” Letsatsi le lengwe Amasia kgosi ya Juta a ikgakolola, a roma motho kwa go Joase morwa Joahase morwa Jehu kgosi ya Iseraele a re: “Tlaya, re thulane!” Mme Joase kgosi ya Iseraele a roma motho kwa go Amasia kgosi ya Juta, a re: “Mosu o o kwa Lebanone wa roma kwa mosetereng o o kwa Lebanone wa re: ‘Neela morwaake morwadio go nna mosadi.’ Mme diphologolo tsa naga tse di kwa Lebanone tsa feta tsa gataka mosu oo. Ka nnete o fentse Baetomo, ka moo o a ikgogomosa ka tlotlego. Jaanong he, nna kwa gae. Ke ka ntlha ya eng fa o re o itatlhela mo tatlhegong gore o we, wena le Bajuta nao?” Mme Amasia a se ka a utlwa; gonne go ne go tswa mo Modimong go mo neela mo diatleng tsa ga Joase, ka ba ineetse mo medimong ya Baetomo. Ke fa Joase kgosi ya Iseraele a bolola, mme ba thulana, ene le Amasia kgosi ya Juta kwa Betšhemeše wa Juta. Mme Bajuta ba fenngwa ke Baiseraele, ba tshaba, mongwe le mongwe a tshabela kwa gae. Mme Joase kgosi ya Iseraele a tshwara Amasia kgosi ya Juta morwa Joase morwa Ahasia kwa Betšhemeše, a mo isa kwa Jerusalema, a feta a thuba lobota lwa Jerusalema go tswa Kgorong ya Eferaime go fitlha Kgorong ya Sekhutlo boleele jwa mabogo a le 400. A ba a tsaya gouta yotlhe le selefera le dilo tsotlhe tse di fitlhelwang mo Ntlong ya Modimo mo tisong ya boora Obete-Etomo le mahumo a ntlo ya kgosi le batho ba peeletso, a ba a boela kwa Samaria. Ya re Joase morwa Joahase kgosi ya Iseraele a sena go swa Amasia morwa Joase kgosi ya Juta a sala a phela dinyaga di le 15. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Amasia tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Juta le Iseraele. Go tloga sebakeng se Amasia a ikepileng mo Moreneng ka sona ba mo tsosetsa moferefere kwa Jerusalema. Ke fa a tshabela kwa Lagiše, mme ba roma batho, ba mo latelela kwa Lagiše, ba mmolaela teng. Ba mo tlisa ka dipitse, ba mo fitlha fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita. Jaanong morafe otlhe wa Juta wa tsaya Usia, a le dinyaga di le 16, wa mo dira kgosi mo boemong jwa ga Amasia rraagwe. Ene a agelela Elothe, a mmusetsa go Juta, jale fa kgosi rraagwe e sena go robala le borraa-yona. Usia o ne a le dinyaga di le 16 fa a nna kgosi, a busa dinyaga di le 52 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Jegolea wa Jerusalema. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena fela jaaka go ne ga dira Amasia rraagwe. A ineela Modimo ka malatsi a ga Sagaria yo o neng a mo ruta go boifa Modimo; mme malatsing ao, fa a ntse a ineela Morena, Modimo wa mo naya letlhogonolo. A bolola a tlhabana le Bafelesita, a diga lobota lwa Gathe le lwa Jabene le lwa Ašetote; a ba a aga metse ntlheng ya Ašetote le mo nageng yotlhe ya Bafelesita. Modimo wa mo thusa go fenya Bafelesita le go fenya Baarabia ba ba neng ba agile kwa Gure-Baale le Bameuni. Le Baamone ba ntshetsa Usia lekgetho, mme leina la gagwe la tuma go fitlha kwa Egepeto, ka a ne a tiela pele. A ba a aga dinaka tsa phemelo mo Jerusalema fa Kgorong ya Sekhutlo le fa Kgorong ya Molapo le fa Sekhutlong, a di tiisa. A ba a aga difata tsa go disa kwa nageng ya mafulo, a epa mekwele e mentsi; gonne o ne a na le diruiwa tse dintsi mo nageng e e kwa tlase le mo leboeng le balemi ba masimo le ba masimo a meweine kwa dithabeng le kwa motseng wa Karemele, ka a rata tiro ya masimo. Le gona Usia o ne a na le mephato ya batlhabani ba ba ka bololang ntwa, e le ditlhopha ka fa palong e Jehiele mokwaledi le Maaseya mookamedi ba e badileng, ba le mo taolong ya ga Hananya mongwe wa balaodi ba kgosi. Palo yotlhe ya beng ba dikgoro mo gare ga bagale ba mephato e ne e le 2 600. Ke bone ba ba neng ba laola mephato ya batlhabani ba le 307 500, ba ba ka bololang ntwa ka thata e kgolo go thusa kgosi ka go lwa le mmaba. Bone Usia a ba direla dithebe le marumo le difutshe tsa tshipi le diaparo tsa phemelo tsa tshipi le mara le majwe a diragamajwe, tsa neelwa batlhabani botlhe. A ba a dira didiri tsa ntwa tsa go konopa kwa Jerusalema e le ka temogo ya setswerere, tsa bewa mo dinakeng tsa phemelo le mo dikhutlong tsa lobota go hula metswi le majwe a magolo ka tsona. Leina la gagwe la tuma kwa kgakala, ka a thusiwa mo go gakgamatsang, ga tsamaya a tia thata. Fela ya re a nna thata, pelo ya gagwe ya ikgogomosa, a ba a senya, a direla Morena, Modimo wa gagwe, ka boikanyologo, a tsena mo Tempeleng ya Morena go tshuba maswalo mo aletareng ya maswalo. Mme Asaria moperesiti yo mogolo a tsena a mo setse morago, a na le baperesiti ba Morena ba le 80 ba ba sa tshabeng motho, ba emelana le kgosi Usia ba mo raya ba re: “Usia, ga se tshwanelo ya gago go tshubela Morena maswalo, mme ke ya baperesiti bomorwa Arone ba ba itshepisitsweng go a tshuba. Tswaya mo Felong ga Boitshepo, gonne o dirile ka boikanyologo, wa itlotlolola fa pele ga Morena, Modimo.” Ke fa Usia a galefa a ntse a tshotse leiswana la go tshuba maswalo; mme ya re a ntse a galefetse baperesiti, a duwa ke lepero mo phatleng a le fa pele ga baperesiti mo Ntlong ya Morena fa thoko ga aletare ya maswalo. Jaanong ya re Asaria moperesiti yo mogolo le baperesiti botlhe ba mo leba, ba fitlhela a dulwe ke lepero mo phatleng. Ke fa ba mo ntsha gona ka pele, mme le ene ka esi a itlhaganela go tswa, ka Morena a mo iteile. Go tloga foo kgosi Usia e ne e le molepero go ya letsatsing la loso lwa gagwe, a nna mo ntlong e e kwa thoko e le molepero; gonne o ne a kgaotswe mo Ntlong ya Morena. Mme Jothame morwawe a tshwarelela kgosi, a busa batho ba lefatshe. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Usia tsa pele le tsa morago di kwadilwe ke Jesaya moporofeti morwa Amotse. Mme Usia a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go borraagwe mo nageng ya mabitla a dikgosi; gonne ba ne ba re: “Ke molepero.” Mme Jothame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Jothame o ne a le dinyaga di le 25, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 16 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Jeruša morwadia Satoke. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile Usia rraagwe, fela a se ka a tsena mo Tempeleng ya Morena ka makgakga, mme morafe wa nna wa senya. A aga kgoro ya Ntlo ya Morena e e bidiwang e e kwa godimo; le mo loboteng lwa mhapha wa thabana ya Jerusalema a aga gagolo. A agelela metse mo dithabeng tsa Juta, a ba a aga matshabelo a a femetsweng le dinaka tsa phemelo mo sekgweng. Le gona a tlhabana le kgosi ya Baamone, a ba fenya, mme ka ngwaga oo Baamone ba mo ntshetsa ditalente di le 100 tsa selefera le dikgetse di le 10 000 tsa korong le di le 10 000 tsa garase; le ka ngwaga wa bobedi le wa boraro Baamone ba mo ntshetsa tse di kalo. Jothame a thatafala jalo; gonne o ne a siamisa mosepele wa gagwe fa pele ga Morena, Modimo wa gagwe. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jothame le dintwa tsotlhe tsa gagwe le ditiro tsa gagwe kana di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele le Juta. E rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; a busa dinyaga di le 16 kwa Jerusalema. Jothame a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme Ahase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Ahase o ne a le dinyaga di le 20, fa a nna kgosi, a busa dinyaga di le 16 kwa Jerusalema; fela a se ka a dira tse di siameng mo matlhong a Morena jaaka Dafita rraagwe mogolwagolwane. Mme a sepela mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele. Le gona a direla boBaale ditshwantsho tse di bopilweng. A fisa maswalo ka esi mo mogorogorong wa Morwa-Hinome, a ba a fisa bomorwawe ka molelo jaaka e ne e le maila a a boitshegang a baheitane, ba Morena o neng a ba lelekile fa pele ga Baiseraele. A ba a dira ditlhabelo le go tshuba maswalo kwa dithoteng tsa tlhabelo le mo dithabeng le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala. Ke fa Morena, Modimo wa gagwe, a mo neela mo diatleng tsa kgosi ya Basiria, ba mo fenya ba thopa ba bantsi ba ga gabo, ba ba isa botshwarong kwa Damaseko. Le gona a neelwa mo diatleng tsa kgosi ya Iseraele, ya mo fenya ya nna polao e kgolo, ka Pheka morwa Remalea a ne a bolaya ba le 120 000 ba Juta ka letsatsi le le lengwe, botlhe bao e le bagale; gonne ba ne ba tlogetse Morena, Modimo wa borraabo. Sigeri mogale wa Moeferaime a bolaya Maaseya, morwa kgosi, le Aserikame, mookamedi wa ntlo ya yona, le Elekana, seatla sa kgosi. Baiseraele ba isa ba le 200 000 ba ga bone mo botshwarong, e le basadi le bomorwa le bomorwadi; le gona ba thopa thopo e kgolo mo go bone, ba e isa kwa Samaria. Mme teng go ne go le moporofeti wa Morena, leina la gagwe e le Otete; ene a tswa a kgatlhantsha ba mephato ba ba boelang kwa Samaria, a ba raya a re: “Kana e re ka Morena, Modimo wa borraeno, a galefetse Bajuta, o ba neetse mo diatleng tsa lona, mme lona lo ba bolaile ka letlhoo le le setlhogo, mo go bileng go fitlhile kwa legodimong. Jaanong lo bile lo re lo gatelela ba Juta le Jerusalema go nna batlhanka le malata a lona. A fa lo iteba, lo iphitlhela lo se na melato fa pele ga Morena, Modimo wa lona? Jaanong he, nkutlweng lo buse batshwarwi ba lo ba thopileng kwa go ba ga bone; go seng jalo Morena o tla lo tukela bogale.” Ga ema banna ba ditlhogo tsa Baeferaime e bong Asaria morwa Johanane le Beregia morwa Mesilemothe le Jehesekia morwa Sadume le Amasa morwa Hatelai ba emelana le ba ba tswang kwa ntweng, ba ba raya ba re: “Se tliseng batshwarwi mono! Gonne lo ka tloga lwa re imetsa molato fa pele ga Morena ka go oketsa maleo a rona le melato ya rona. Kana molato wa rona o mogolo, mme Baiseraele ba ka tukelwa bogale.” Ke fa ba ba tlhometseng ba tlogela batshwarwi le thopo fa pele ga dikgosana le phuthego yotlhe. Mme banna bao ba ba badilweng ka maina ba ema, ba babalela batshwarwi, ba apesa botlhe ba ba sa ikategang ba bone ka dilo tsa thopo, ba ba naya diaparo le ditlhako le dijo le dino le ditlolo, ba palamisa botlhe ba ba bokoa mo dieseleng, ba ba isa kwa Jerigo motseng wa mekolane kwa go ba ga bone, ba be ba boela kwa Samaria. Ka sebaka seo kgosi Ahase a roma batho kwa dikgosing tsa Asiria gore di tle go mo thusa. Gape le gona ga tla Baetomo, ba fenya Bajuta, ba isa batho mo botshwarong. Bafelesita le bone ba bolola go thukhutha mo metseng ya naga e e kwa tlase le ya naga ya borwa ya Juta; ba thopa Betšhemeše le Ayalone le Geterothe le Sogo le metsana ya teng le Thimena le metsana ya teng le Gimeso le metsana ya teng, ba nna gona. Gonne Morena o ne a kokobetsa Bajuta ka ntlha ya ga Ahase kgosi ya Juta, ka a atisa boikepo mo Juta, a leofela Morena ka boikanyologo. Ga ba ga tla Thigelathe-Philesere kgosi ya Asiria, a mo tlhasela, a mo pitlaganya, mme a se ka a mo thusa. Gonne le fa Ahase a ne a thukhuthile Ntlo ya Morena le matlo a kgosi le dikgosana dilo, a di naya kgosi ya Asiria, ga se ka ga mo thusa sepe. Le ka sebaka sa go pitlaganngwa jalo a tswelela pele go leofela Morena ka boikanyologo, ene kgosi Ahase. A tlhabela medimo ya Damaseko e e mo fentseng, a ithaya a re: “E re ka medimo ya dikgosi tsa Siria e di thusa, ke tla e direla ditlhabelo gore e nthuse,” mme e ne e le yona e e mo digang le Baiseraele botlhe. Ahase a ba a phutha dilo tsa Ntlo ya Modimo a di thubaganya, a tswala ditswalo tsa Ntlo ya Morena, a itirela dialetare mo sekhutlong sengwe le sengwe sa Jerusalema. Le gona a dira dithota tsa tlhabelo mo motseng mongwe le mongwe wa Juta go tshubela medimo e sele maswalo, a gakaletsa Morena, Modimo wa borraagwe, pele. Ditirafalo tse dingwe tsa gagwe le ditiro tsotlhe tsa gagwe tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Juta le Iseraele. Mme Ahase a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa Jerusalema; gonne ba se ka ba mo isa kwa mabitleng a dikgosi tsa Juta. Mme Hesekia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Hesekia o ne a nna kgosi a le dinyaga di le 25, a busa dinyaga di le 29 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Abia morwadia Sagaria. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile Dafita rraagwe mogolwagolwane. Ene a bula ditswalo tsa Ntlo ya Morena ka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe kgweding ya ntlha, a ba a di baakanya. A ba a bitsa baperesiti le Balefi, a ba kgobokanya mo patlelong ya botlhabatsatsi ya Tempele; a ba laela a re: “Nkutlweng, lona Balefi. Iitshepiseng jaanong, lo bo lo itshepise Ntlo ya Morena, Modimo wa borraeno, lo ntshe maila mo Felong-ga-Boitshepo. Gonne borraetsho ba dirile ka boikanyologo, ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, Modimo wa rona, ba o tlogela, ba faposa difatlhego tsa bona mo Boagong jwa Morena, ba bo hularela. Le gona ba tswetse ditswalo tsa matseno, ba tima dipone, ba se ka ba tshuba maswalo le e seng go direla Modimo wa Iseraele ditlhabelo tsa phiso mo Felong-ga-Boitshepo. Ke ka moo ba Juta le Jerusalema ba wetsweng ke kgalefo ya Morena, mme a ba neela go direlwa setlhogo le go nna theregiso le kotso jaaka lo bona ka matlho. Bonang, borraetsho ba ole ka tšhaka, mme bomorwaa-rona le bomorwadia-rona le basadi ba rona ba kwa botshwarong ka ntlha ya tseo. “Jaanong ke ikaeletse go dira kgolagano le Morena, Modimo wa Iseraele, gore molelo wa bogale jwa gagwe o re timele. Jaanong bomorwaaka, lo se ka lwa nna ditshwakga. Gonne Morena o lo tlhophile gore lo eme fa pele ga gagwe, lo mo direle, lo nne badiredi ba gagwe, lo tshube maswalo.” Ke fa Balefi ba nanoga, e bong Mahathe morwa Amasai le Joele morwa Asaria, e le ba losika lwa ga Kahathe; le Khiše morwa Abedi le Asaria morwa Jehalelele, e le ba losika lwa ga Merari; le Joa morwa Sima le Etene morwa Joa, e le ba losika lwa ga Geresone; le Simeri le Jehiele ba losika lwa ga Elisafane le Sagaria le Mathanya ba losika lwa ga Asafe; le Jehiele le Simei ba losika lwa ga Hemane, le Semaya le Usiele ba losika lwa ga Jeduthune. Ba be ba phutha ba ga bone, ba iitshepisa, ba tloga ba tsena go phepafatsa Ntlo ya Morena ka fa taelong ya kgosi e e utlwanang le mafoko a Morena. Baperesiti ba tsena mo teng ga Ntlo ya Morena go e phepafatsa, mme tsotlhe tse di sa itshekang tse ba di fitlhelang mo Tempeleng ya Morena, ba di ntshetsa kwa lapeng la Ntlo ya Morena, mme Balefi ba di tsaya, ba di isa kwa nokaneng ya Kiterone. Ba simolola ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha go itshepisa lelapa, mme ka letsatsi la robedi la kgwedi ba fitlha mathuding a Morena; ba feta ba itshepisa Ntlo ya Morena ka malatsi a robedi, ba fetsa ka letsatsi la 16 la kgwedi ya ntlha. Jaanong ba tsena kwa go kgosi Hesekia ba re: “Re phepafaditse Ntlo yotlhe ya Morena le aletare ya ditlhabelo tsa phiso le didiri tsotlhe tsa yona le tafole ya dinkgwe tsa tshupo le didiri tsotlhe tsa yona. Le didiri tsotlhe tse kgosi Ahase o neng a di itshepolola sebakeng sa puso ya gagwe ka boikanyologo jwa gagwe re di baakantse, ra di itshepisa, ke tsele fa pele ga aletare ya Morena.” Ke fa kgosi Hesekia a phakela, a phutha dikgosana tsa motse, a tlhatlogela kwa Ntlong ya Morena. Mme ba tlisa dipoo di supa le diphelehu di supa le dikwana di supa le diphoko di supa tsa setlhabelo sa boleo sa go ruanya bogosi le Felo-ga-Boitshepo le Juta. Jaanong kgosi ya laela bomorwa Arone baperesiti go di tlhabela mo aletareng ya Morena. Ke fa ba tlhaba dipoo, mme baperesiti ba dibegeletsa madi, ba a kgatsha mo aletareng; ba be ba tlhaba diphelehu, ba kgatsha madi mo aletareng; ba be ba tlhaba dikwana, ba kgatsha madi mo aletareng. Ya ba gona ba atametsang diphoko tsa setlhabelo sa boleo fa pele ga kgosi le phuthego, ba di baya diatla, mme baperesiti ba di tlhaba, ba isa madi a tsona kwa aletareng e le setlhabelo sa boleo sa go batlela Baiseraele botlhe boitshwarelo; gonne kgosi e ne e laetse gore setlhabelo sa phiso le sa boleo di direlwe Baiseraele botlhe. Ya ba ya emisa Balefi fa Ntlong ya Morena ba tshotse matlhao-a-mabogo le diharepa le dikwadi ka taelo ya ga Dafita le ya ga Gate mmoni wa kgosi le ya ga Nathane moporofeti; gonne taelo eo e ne e tswa kwa Moreneng ka baporofeti ba gagwe. Balefi ba ema ba tshotse diletso tsa ga Dafita, baperesiti bone ba tshotse diphala. Jaanong Hesekia a laela gore go dirwe setlhabelo sa phiso mo aletareng, mme ya re setlhabelo sa phiso se simologa, ga simologa le kopelo ya Morena le ya diphala, e opedisiwa ka diletso tsa ga Dafita kgosi ya Iseraele. Phuthego yotlhe ya nna ya obamela le kopelo ya nna ya utlwala le diphala tsa nna tsa lela, ga dirwa tsotlhe tse ga tsamaya setlhabelo sa phiso sa fediwa. Ya re setlhabelo sa phiso se sena go fediwa, kgosi ya khubama le botlhe ba ba nang nayo ba obamela. Jaanong kgosi Hesekia le dikgosana tsa laela Balefi go baka Morena ka mafoko a ga Dafita le a ga Asafe mmoni; mme ba baka ka boitumelo, ba be ba ikoba, ba obamela. Hesekia a ba a simolola go bua le phuthego a re: “Jaanong lo ineetse Morena, atamelang he, lo tlise ditlhabelo tse di jewang le tsa pako kwa Ntlong ya Morena.” Mme phuthego ya tlisa ditlhabelo tse di jewang le tsa pako, le botlhe ba ba ratang ba tlisa ditlhabelo tse di fisiwang. Palo ya ditlhabelo tsa phiso tse phuthego e neng e di tlisa e ne e le dikgomo di le 70 le diphelehu di le 100 le dikwana di le 200; tsotlhe tseo e le tsa ditlhabelo tse di fisediwang Morena. Dineo tse di boitshepo e ne e le dikgomo di le 600 le difutshane di le 3 000. Fela baperesiti ba ne ba sa lekane, ba sa kgone go bua diruiwa tsotlhe tsa ditlhabelo tsa phiso, mme ba thusiwa ke Balefi ba ga bone, ga tsamaya tiro ya ba ya fediwa, le go fitlhelela baperesiti ba be ba iitshepisa; gonne Balefi ba ne ba tlhoafaletse go iitshepisa bogolo go baperesiti. Le gona go ne go le ditlhabelo tsa phiso ka bontsi mmogo le mamipi a ditlhabelo tsa tebogo le ditshupelo tsa noo tse di bapang le ditlhabelo tsa phiso. Tirelo ya Ntlo ya Morena ya rulaganngwa jalo gape. Mme Hesekia a itumela le morafe otlhe ka ntlha ya tse Modimo o neng o di baakanyeditse morafe; ka gonne go ne go dirafetse ka pele. Jaanong Hesekia a roma batho kwa Baiseraeleng le kwa Bajuteng botlhe, a ba a kwalela Baeferaime le Bamanase dikwalo gore ba tle kwa Ntlong ya Morena kwa Jerusalema go direla Morena, Modimo wa Iseraele, Tlolaganyo. Mme kgosi ya utlwana le dikgosana tsa yona le phuthego yotlhe e e mo Jerusalema gore ba dire Tlolaganyo ka kgwedi ya bobedi; gonne ba ne ba paletswe ke go e dira ka nako ya teng, ka go ne go ise go iitshepise baperesiti ba ba lekanyeng le morafe o ise o phuthegele kwa Jerusalema. Lefoko leo le ne le siame mo matlhong a kgosi le mo matlhong a phuthego yotlhe. Ba be ba utlwana go tlhaba mokgosi mo Iseraeleng yotlhe go simolola kwa Bereseba go fitlha kwa Dane gore ba tle go direla Morena, Modimo wa Iseraele, Tlolaganyo kwa Jerusalema; gonne ba ne ba ise ba ke ba e dire ka bontsi jaaka go kwadilwe mo molaong. Batabogi ba ya kwa Baiseraeleng le Bajuteng botlhe ba tshotse dikwalo tse di tswang mo kgosing le mo dikgosaneng tsa yona, ba bua ka fa taelong ya kgosi ba re: “Lona Baiseraele, boelang kwa Moreneng, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Iseraele, gore a tle a boele kwa masaleleng a lona a a falotseng mo diatleng tsa dikgosi tsa Asiria. Lo se ka lwa nna jaaka borraeno le ba ga lona ba ba neng ba leofela Morena, Modimo wa borraabo, ka boikanyologo, mo a bileng a ba neela mo tatlhegong jaaka lo ntse lo bona. Jaanong he, lo se ka lwa gagamatsa dithamo tsa lona jaaka borraeno, mme ineeleng mo Moreneng, lo tle Felong-fa-go-Boitshepo ga gagwe fa a go itshepisitseng ka bosakhutleng, lo direle Morena, Modimo wa lona, gore bogale jwa gagwe bo khutle go lo tukela. Gonne fa lo boela Moreneng, foo ba ga lona le bana ba lona ba tla bona boutlwelo-botlhoko fa pele ga ba ba ba isitseng mo botshwarong, mo ba ka bang ba boela kwano lefatsheng leno; gonne Morena, Modimo wa lona, o boitshwarelo, o bopelotlhomogi, mme ga a ne a faposa sefatlhego mo go lona, fa lo boela kwa go ene.” Mme ya re batabogi ba ya le metse ka tlhomagano ya yona mo nageng ya Baeferaime le ya Bamanase le go fitlha kwa go ya Basebulone, ba ba tshega, ba ba sotla. Fela banna bangwe ba Baasere le Bamanase le Basebulone ba ikokobetsa, ba tla kwa Jerusalema. Le gona seatla sa Modimo sa tla mo Bajuteng ka go ba naya pelo e le nngwe go dira se kgosi le dikgosana di se laetseng ka fa lefokong la Morena. Batho ba bantsi ba phuthegela kwa Jerusalema go dira moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang ka kgwedi ya bobedi; ya nna phuthego e kgolo thata. Ba feta ba nanoga ba tlosa dialetare di sele tse di neng di le mo Jerusalema; ba be ba tlosa dialetare tsa maswalo tsotlhe, ba di latlhela mo nokaneng ya Kiterone. Jaanong ba tlhaba dikwana tsa Tlolaganyo ka kgwedi ya bobedi e le 14; ke fa baperesiti le Balefi ba tlhajwa ke ditlhong, mme ba itlhaganela go iitshepisa, ba be ba tlisa ditlhabelo tsa phiso kwa Ntlong ya Morena. Ba ne ba eme mo mannong a bone jaaka ba tshwanetse ka fa molaong wa ga Moše, monna wa Modimo: Baperesiti ba tsaya madi mo diatleng tsa Balefi, ba a kgatsha. Gonne go ne go le ba bantsi mo phuthegong ba ba neng ba sa iitshepisa; ka moo Balefi ba tlhabela botlhe ba ba sa itshekang dikwana tsa Tlolaganyo go di itshepisetsa Morena. Gonne bontsi jwa morafe ba bantsi ba Baeferaime le Bamanase le Baisašare le Basebulone ba ne ba sa iitshekisa, mme ba ja Tlolaganyo e se ka fa go kwadilweng ka teng, mme Hesekia o ne a ba rapeletse a re: “A Morena yo o lorato a itshwarele mongwe le mongwe yo o ikaeletseng go batla Modimo Morena, Modimo wa borraagwe, le fa e se ka fa boitshekong jwa Felo-fa-go-Boitshepo.” Mme Morena a utlwa Hesekia, a itshwarela morafe boitshekologo joo. Baiseraele ba ba neng ba le teng mo Jerusalema ba dira moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka boitumelo jo bogolo; Balefi le baperesiti ba nna ba baka Morena ka letsatsi le letsatsi ka diletso tse di utlwalang thata tsa Morena. Mme Hesekia a bua ka botsalano le Balefi botlhe ba ba itshupileng ba le maatlametlo tirelong ya Morena; mme ba ja moletlo malatsi a supa ba ntse ba dira ditlhabelo tsa tebogo, ba ipolela gore ke ba Morena, Modimo wa borraabo. Jaanong phuthego yotlhe ya utlwana go dira moletlo malatsi a supa a mangwe gape; ba be ba o dira malatsi a supa ka boitumelo. Gonne Hesekia, kgosi ya Juta, o ne a ntsheditse phuthego ya Modimo dipoo di le 1 000 le difutshane di le 7 000; dikgosana tsona tsa ntshetsa phuthego ya Modimo dipoo di le 100 le difutshane di le 10 000, mme baperesiti ba iitshepisa ka bontsi. Ga itumela phuthego yotlhe ya Bajuta le baperesiti le Balefi le phuthego yotlhe e e tlileng ya Iseraele mmogo le baeng ba ba tlileng ba tswa lefatsheng la Iseraele le ba ba agileng mo Juta. Ga nna boitumelo jo bogolo kwa Jerusalema; gonne go tloga metlheng ya ga Salomo, morwa Dafita kgosi ya Iseraele, go ne go ise go ke go nne moletlo o o ntseng jalo kwa Jerusalema. Mme baperesiti le Balefi ba nanoga ba tshegofatsa morafe. Mme mantswe a bone a utlwiwa le thapelo ya bone ya fitlha kwa boagong jo bo boitshepo jwa Modimo kwa legodimong. E rile tsotlhe tseo di sena go wediwa Baiseraele botlhe ba ba neng ba le teng ba bolola ba ya kwa metseng ya Juta, ba thubaganya majwe a a motloutlo, ba rema medimako ya Ašera, ba diga dithota tsa tlhabelo le dialetare mo nageng yotlhe ya Juta le Benyamene le Eferaime le Manase, ga tsamaya ba di nyeletsa. Ya ba gona Baiseraele botlhe ba boelang kwa metseng ya bone, mongwe le mongwe a ya legaeng la gagwe. Jaanong Hesekia a rulaganya ditlhopha tsa baperesiti le Balefi ka fa ditlhopheng tsa bone, mongwe le mongwe ka fa tirelong ya gagwe ya boperesiti gongwe ya bolefi mo ditlhabelong tsa phiso gongwe tsa tebogo le go direla le go leboga le go baka mo dikgorong tsa bothibelelo jwa Morena. Kabelo ya kgosi e e tswang mo leruong la yona e ne e le ya ditlhabelo tsa phiso tsa meso le tsa mantsiboa le tsa boSabata le tsa dingwedi tse di rogilweng le tsa meletlo jaaka go kwadilwe mo molaong wa Morena. Kgosi ya laela morafe le baagi ba Jerusalema go ntsha kabelo ya baperesiti le Balefi gore ba tle ba tie mo tirelong ya Morena. E rile taelo e e utlwala, Baiseraele ba tlisa mabutswapele a mantsi a mabele le a matute a moweine le a lookwane le a mafura a dinotshe le a thobo yotlhe ya masimo, ba be ba tlisa kabelo ya some ka bontsi. Baiseraele le Bajuta ba ba neng ba agile mo metseng ya Juta le bone ba tlisa kabelo ya some ya dikgomo le ya difutshane le kabelo ya some ya dineo tse di boitshepo tse di itshepiseditsweng Morena, Modimo wa bone, ba di baya mekoakoa. Ka kgwedi ya boraro ba simolola go di tlhatlaganya mekoa, ba fetsa ka kgwedi ya bosupa. Ya re Hesekia le dikgosana ba tla, ba bona mekoa eo, ba baka Morena le morafe wa gagwe wa Iseraele. Ya re Hesekia a botsolotsa baperesiti le Balefi ka ga mekoa eo, Asaria, moperesiti yo mogolo wa losika lwa ga Satoke, a mo araba a re: “E sa le batho ba simolola go tlisa lekgetho le kwano Ntlong ya Morena re ntse re ja, re kgora, re sadisa tse dintsi; gonne Morena o tshegofaditse morafe wa gagwe, mo re bileng ra sadisa bontsi jo.” Ke fa Hesekia a laela go baakanya matlwana ka fa Ntlong ya Morena, mme ba a baakanya, ba tsenya lekgetho le, le kabelo ya some le dineo tse di boitshepo mo go ona ka boikanyego. Mookamedi yo mogolo wa tsona e ne e le Konanya wa Molefi, a tlhomagannwa ke Simei, monnawe; mme Jehiele le Asasia le Nahathe le Asahele le Jerimothe le Josabate le Eliele le Isemagia le Mahathe le Benaya e ne e le balebedi ba ba thusang Konanya le Simei, monnawe, ka taelo ya ga Hesekia, kgosi, le ya ga Asaria, moperesiti yo mogolo Ntlong ya Modimo. Mme Kore, morwa Imena wa Molefi modisa wa kgoro ya botlhabatsatsi, e ne e le mookamedi wa dineo tsa Modimo tsa bopelotshweu; a na le go aba lekgetho la Morena le dineo tse di boitshepotshepo. Bathusi ba gagwe e ne e le Etene le Minyamine le Jesua le Semaya le Amaria le Seganya; e ne e le bone ba ba abelang ba ga bone dikabelo tsa bone ka boikanyego mo metseng ya baperesiti ka fa ditlhopheng tsa bone, ba bagolo le ba bannye, e bong ba batonanyana go simolola ka basimanyana ba dinyaga di le tharo le bomogoloa-bone le botlhe ba ba yang kwa Ntlong ya Morena ka fa go batlegang letsatsi lengwe le lengwe ka teng gore ba dire tsa tirelo ya bone ka fa ditshwanelong tsa bone ka go amogana ga bone; fela ba na le go kwalwa mo lokwalong lwa losika. Baperesiti ba ne ba kwalwa mo lokwalong lwa losika ka fa malapeng a bone, mme Balefi go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone bone ba kwalwa ka fa ditshwanelong tsa bone le ditlhopheng tsa bone. Baperesiti ba ne ba na le go kwalwa mo lokwalong lwa losika mmogo le bana botlhe ba bone le basadi ba bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone, lelapa lotlhe; gonne ba ne ba iitshepisa go dira tsa Felo-fa-go-Boitshepo ka boikanyego. Le gona ba losika lwa ga Arone, e bong baperesiti ba ne ba beetswe banna ba ba boletsweng ka maina mo nageng ya mafulo a metse ya bone mo motseng mongwe le mongwe gore ba abele ba batonanyana botlhe ba baperesiti le Balefi botlhe ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa losika dikabelo tsa bone. Hesekia a dira tse di ntseng jalo mo nageng yotlhe ya Juta, a dira tse di siameng tse di tlhamaletseng tsa nnete fa pele ga Morena, Modimo wa gagwe. Tiro nngwe le nngwe e o neng a e simolola kwa tirelong ya Ntlo ya Modimo ka fa molaong le ka fa taelong go batla Modimo wa gagwe, a e dira ka pelo yotlhe, a e fetsa ka lesego. Morago ga dilo tseo le boikanyo joo ga tla Saneheribe kgosi ya Asiria, a tsena mo nageng ya Juta, a dikanyetsa metse e e femetsweng ka ntwa, a re o a e ithopela. Jaanong ya re Hesekia a bona Saneheribe a tla a ikaeletse go tlhasela Jerusalema, a utlwana le dikgosana tsa gagwe le bagale ba gagwe go katela metswedi e e neng e le ka fa ntle ga motse, mme ba mo thusa. Ga phuthega batho ba bantsi, ba katela metswedi yotlhe le nokana e e elang e ralala lefatshe ba re: “Dikgosi tsa Asiria di tla bo di fitlhelelang metsi a mantsi?” Hesekia a ba a nna pelokgale a aga lobota lotlhe lo lo neng lo thubilwe, a aga dinaka tsa phemelo mo godimo ga lone le lobota lo longwe ka kwa ntle, a tiisa kago ya phemelo ya Milo mo motseng wa ga Dafita, a dira dibolai ka bontsi le dithebe. A ba a baya balaodi ba ntwa ba ba laolang batlhabani, a ba phuthela kwa go ene kwa patlelong ya kgoro ya motse, a bua nabo, a tiisa dipelo tsa bone a re: “Tiang lo nne pelokgale se boifeng, se tshogeng kgosi ya Asiria le bontsi jotlhe jo bo nang nayo. Gonne yo o nang le rona o mogolo bogolo go yo o nang nayo. Yona e na le letsogo la nama fela, mme yo o nang le rona ke Morena, Modimo wa rona, go re thusa le go re tlhabanela ditlhabano tsa rona.” Mme batlhabani ba ikanya mafoko a ga Hesekia kgosi ya Juta. Morago ga moo Saneheribe, kgosi ya Asiria, a roma batlhanka ba gagwe kwa Jerusalema, ene a ntse a le kwa Lagiše a na le mephato yotlhe ya gagwe. Ba fitlha kwa go Hesekia, kgosi ya Juta, le kwa go Bajuta botlhe ba Jerusalema ba re: “Saneheribe, kgosi ya Asiria, e bua jaana e a re: ‘Lo ikantse eng, fa lo ntse mo Jerusalema yo o dikanyeditsweng ka ntwa? Ruri Hesekia o a lo aketsa, o lo bolaya ka tlala le lenyora, mme o ntse a re: Morena, Modimo wa rona, o tla re namolela mo diatleng tsa kgosi ya Asiria. A ga se ene Hesekia yo o tlositseng dithota tsa tlhabelo tsa ona le dialetare tsa ona, a raya batho ba Juta le ba Jerusalema a re: Obamelang fa pele ga aletare e le nngwe fela, lo tshube maswalo mo go yona? A ga lo itse se nna le borre re se diretseng merafe yotlhe ya mafatshe? A tota medimo ya ditšhaba tsa mafatshe e kgonne go namolela mafatshe a tsona mo diatleng tsa me? Ke ofe modimo mo medimong yotlhe ya ditšhaba tseo tse borre ba di bolaileng ka khutso ya Modimo, o o kgonneng go pholosa morafe wa ona mo diatleng tsa me, mo Modimo wa lona o ka bong o kgona go lo pholosa mo diatleng tsa me? Jaanong he, a Hesekia a se lo tsietse le e seng go lo timetsa ka mokgwa o o ntseng jalo, se mo dumeleng; gonne ga go na modimo ope wa setšhaba sepe le wa bogosi bope o o kileng wa kgona go golola morafe wa ona mo diatleng tsa me le mo diatleng tsa borre. Mme Modimo wa lona ona o tla tlhaela bogolo jang go ka lo pholosa mo diatleng tsa me!’ ” Mme batlhanka ba gagwe ba bua tse dingwe gape tsa go kgala Morena, Modimo, le tsa go nyatsa Hesekia, motlhanka wa gagwe. Le gona Saneheribe o na a kwadile lokwalo lwa go kgoba Morena, Modimo wa Iseraele, le lwa go o roga a re: “Modimo wa ga Hesekia ga o kitla o pholosa morafe wa ona mo diatleng tsa me fela jaaka medimo ya ditšhaba tsa mafatshe e se ka ya pholosa merafe ya yona mo diatleng tsa me.” Ba bile ba tlhatlosa mantswe, ba tlhaeletsa batho ba Jerusalema ka Sejuta ba ba neng ba le mo loboteng, e le go ba boifisa le go ba nyemisa moko gore ba tle ba thope motse. Ba bua tsa go kgala Modimo wa Jerusalema jaaka ba kgala medimo ya merafe ya lefatshe e e leng dibopiwa tsa diatla tsa batho fela. Mme e rile kgosi Hesekia le moporofeti Jesaya, morwa Amotse, ba rapela ka ntlha ya tseo ba goela legodimong. Morena a roma moengele, ene a nyeletsa bagale botlhe le bagogi le balaodi mo bothibelelong jwa kgosi ya Asiria, mo e bileng ya boela kwa lefatsheng la yona ka ditlhong. Jaanong ya re e tsena mo tempeleng ya modimo wa yona, bana ba yona, ba e ba tsetseng, ba e bolaela teng ka tšhaka. Ka mokgwa oo Morena a pholosa Hesekia le baagi ba Jerusalema mo diatleng tsa ga Saneheribe, kgosi ya Asiria, le mo diatleng tsa baba botlhe, a ba naya boikhutso ntlheng tsotlhe. Ba bantsi ba nna ba isetsa Morena dineo kwa Jerusalema le Hesekia kgosi ya Juta, ba e ntshetsa dilo tsa botlhokwa mo e bileng ya godisiwa morago ga tseo mo matlhong a ditšhaba tsotlhe. E rile mo metlheng eo Hesekia a lwala lwa go swa a rapela Morena, mme ene a mo utlwa, a mo naya sesupo se se gakgamatsang. Mme Hesekia a se ka a lebogela se a se diretsweng, a ikgodisa; ka moo a tukelwa bogale le ba Juta le ba Jerusalema. Le gale Hesekia a ikwatlhaela boikgodiso jwa pelo ya gagwe mmogo le baagi ba Jerusalema; ka moo bogale jwa Morena jwa se ka jwa ba wela mo metlheng ya ga Hesekia. Hesekia o ne a na le khumo le tlotlo mo gogolo thata, a ba a itirela matlwana a polokelo ya selefera le gouta le majwana a a tlhokegang le makga le dithebe le dilwana tsa mefutafuta tse di eletsegang le matlo a polokelo a kotulo ya mabele le matute a moweine le lookwane le maraka a diruiwa tsa mefutafuta le meraka ya matlhape. A ba a itirela metse le leruo le legolo la difutshane le dikgomo; gonne Modimo o ne o mo tshegofaditse ka dithoto tse dintsi thata. Ke ene Hesekia yo o neng a thiba kelelo e e kwa godimo ya metsi a noka ya Kihone, a a folosa a a tsamaisa ntlheng ya bophirima ya motse wa ga Dafita. Hesekia o ne a tlhogonolofala mo tirong nngwe le nngwe ya gagwe. Le gona o ne a ntse jalo, fa barongwi ba babusi ba Babele ba tla ba romilwe kwa go ene go botsolotsa ka ga sesupo se se gakgamatsang se se dirafetseng mo lefatsheng; ke fa Modimo o mo tlogela fela go mo leka gore o itse tsotlhe tse di leng mo pelong ya gagwe. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Hesekia le ditiro tsa gagwe tsa tumelo-Modimong kana di kwadilwe mo ponong ya moporofeti Jesaya morwa Amotse le mo lokwalong lwa dikgosi tsa Juta le Iseraele. Mme Hesekia a robala le borraagwe, a fitlhwa fa thotaneng ya diphupu tsa boora Dafita. Batho botlhe ba Juta le baagi ba Jerusalema ba mo direla ka tlotlo mo losong lwa gagwe. Mme Manase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Manase o ne a le dinyaga di le 15, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 55 kwa Jerusalema. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena, tse di tshwanang le makgapha a baheitane ba Morena o neng a ba lelekile fa pele ga Baiseraele. A boela a tsosa dithota tsa tlhabelo tse Hesekia rraagwe o neng a di digile, a agela boBaale dialetare, a dira medimako ya Ašera, a ba a obamela lesomo lotlhe la legodimo, a le direla. Le gona a aga dialetare tsa medimo kwa Ntlong ya Morena, e Morena o buileng ka ga yona a re: “Leina la me le tla nna kwa Jerusalema ka bosakhutleng.” O bile a agela lesomo lotlhe la legodimo dialetare mo malapeng a mabedi a Ntlo ya Morena. Ke ene yo o neng a ralatsa bomorwawe molelo kwa mogorogorong wa Morwa-Hinome, a dira tsa mereo ya boloi le tsa botlhodi le tsa neelelo, a tlhoma ba ba buang le baswi le baitseanape; a dira tse dintsi tse di bosula mo matlhong a Morena go mo gakatsa. Le gona a dira modimo wa seseto, a o emisa mo Ntlong ya Modimo, e Modimo o buileng ka ga yona le Dafita le Salomo morwawe wa re: “Ke mo Ntlong e le mo Jerusalema yo ke mo tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele fa ke tla bayang leina la me teng ka bosakhutleng. Mme ga nkitla ke tlhola ke tlosa dinao tsa Baiseraele mo nageng e ke e neetseng borraeno. Ke raya fela, fa ba tlhokomela go dira tsotlhe tse ke di ba laetseng ka Moše, e bong molao otlhe le ditaolo le ditshiamelo.” Mme Manase a timetsa Bajuta le baagi ba Jerusalema gore ba dire bosula bogolo go baheitane ba Morena o neng a ba nyeleditse fa pele ga Baiseraele. Ke fa Morena a bua le Manase le morafe wa gagwe, mme ba se ka ba ela tlhoko. Ka moo Morena a ba bololetsa balaodi ba mephato ya kgosi ya Asiria, ba tshwara Manase ka dikobe, ba mmofa dinao ka dikeetane ba mo isa kwa Babele. Mme ya re a le mo tlalelong, a kopa bopelotlhomogi mo Moreneng, Modimo wa gagwe, a ikokobetsa thata fa pele ga Modimo wa borraagwe; a o rapela, mme wa mo rapelesegela, wa utlwa mokokotlelo wa gagwe, wa mmusetsa kwa Jerusalema le mo bogosing jwa gagwe. Ke fa Manase a lemoga gore Modimo ke one Morena. Morago ga moo a aga lobota lwa ka kwa ntle lwa motse wa ga Dafita go pota nokana ya Kihone ntlheng ya bophirima mo molapong le go fitlha kwa Kgorong ya Ditlhapi; a lo potolosa thota ya Ofele, a lo godisa thata, a ba a baya balaodi ba mephato mo metseng yotlhe e e femetsweng ya Juta. A ba a tlosa medimo ya seeng le modimo wa seseto mo Ntlong ya Morena le dialetare tsotlhe tse o neng a di agile mo thabeng ya Ntlo ya Morena le mo Jerusalema, a di latlhela kwa ntle ga motse. A ba a baakanya aletare ya Morena, a dira ditlhabelo tsa tebogo le tsa pako mo go yona; a ba a laela Bajuta gore ba direle Morena, Modimo wa Iseraele. Le gale batho ba ne ba sa ntse ba dira ditlhabelo mo dithoteng tsa tlhabelo, mme e le tsa Morena, Modimo wa bone, fela. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Manase le thapelo ya gagwe go Modimo wa gagwe le mafoko a baboni ba ba buileng nae ka taelo ya Morena, Modimo wa Iseraele, kana di kwadilwe mo ditirafalong tsa dikgosi tsa Iseraele. Mme thapelo ya gagwe le ka fa a utlwilweng ka teng le boleo jotlhe jwa gagwe le boikanyologo jwa gagwe le mafelo kwa o neng a aga dithota tsa tlhabelo, a tlhoma medimako ya Ašera le medimo ya diseto teng, a ise a ikokobetse, kana tsona di kwadilwe mo ditirafalong tsa baboni. Mme Manase a robala le borraagwe, a fitlhwa fa ntlong ya gagwe, mme Amone morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Amone o ne a le dinyaga di le 22, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le pedi kwa Jerusalema. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena jaaka go ne go dirile Manase rraagwe. Amone a tlhabela medimo ya diseto yotlhe e e neng e dirilwe ke Manase rraagwe a e direla. Mme a se ka a ikokobetsa fa pele ga Morena jaaka go ne ga dira Manase rraagwe, mme ene Amone a godisa molato fela. Mme batlhanka ba gagwe ba mo tsosetsa moferefere, ba mmolaela mo ntlong ya gagwe. Ke fa batho ba kwa nageng ba bolaya botlhe ba ba neng ba tsoseditse kgosi Amone moferefere; batho ba kwa nageng ba dira Josia morwawe kgosi mo boemong jwa gagwe. Josia o ne a le dinyaga di le robedi, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 31 kwa Jerusalema. A dira tse di siameng mo matlhong a Morena, a sepela mo ditseleng tsa ga Dafita rraagwe mogolwagolwane; a se ka a fapogela ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema. A simolola go batla Modimo wa ga Dafita rraagwe mogolwagolwane ka ngwaga wa robedi wa puso ya gagwe a sa le lekau, mme ka ngwaga wa 12 wa yona a simolola go phepafatsa Juta le Jerusalema, a tlosa dithota tsa tlhabelo le medimako ya Ašera le medimo ya diseto le e e bopilweng. Ba diga dialetare tsa boBaale a ntse a lebile, a ba a rema majwe a a motloutlo a letsatsi a a neng a le mo godimo ga tsona, a ba a thubaganya medimako ya Ašera le medimo ya diseto le e bopilweng, a e pšhwetlakanya ya nna lerole, a ba a le gasetsa mo diphupung tsa ba ba neng ba e tlhabela. A ba a fisa marapo a baperesiti mo dialetareng tsa bone, a itshekisa Juta le Jerusalema jalo. A ba a dira jalo le kwa metseng ya Bamanase le Baeferaime le Basimeone le go fitlha kwa go Banafetale mo maropeng a bone tikologong. A diga dialetare, a thubaganya medimako ya Ašera le medimo ya diseto, a e pšhwetlakanya ya nna lerole; a ba a rema majwe a a motloutlo a letsatsi otlhe mo lefatsheng lotlhe la Iseraele, a ba a boela kwa Jerusalema. Mme ka ngwaga wa 18 wa puso ya gagwe, fa a sena go itshekisa lefatshe le Ntlo ya Modimo, a roma Safane, morwa Asalea, le Maaseya, molaodi wa motse, le Joa morwa Joahase seatla sa kgosi go baakanya Ntlo ya Morena, Modimo wa gagwe. Ba ya kwa go Hilekia, moperesiti yo mogolo, ba neelwa madi a a neng a tlisitswe kwa Ntlong ya Modimo, a phuthilwe ke Balefi, badisa ba mojako, a ntshitswe ke Bamanase le Baeferaime le masalela otlhe a Iseraele le Bajuta botlhe le Babenyamene le baagi ba Jerusalema; ba a neela mo diatleng tsa baokamedi ba tiro kwa Ntlong ya Morena; bone ba a neela badiri ba tiro ba ba dirang kwa Ntlong ya Morena go thiba diphatlha le go baakanya Ntlo ya Modimo; ba a neela babetli le baagi gore ba reke majwe a a betlilweng le dikgong tsa mabalelo le tsa go tlhomesa Tempele e dikgosi tsa Juta di neng di e lesitse ya onala. Mme banna ba dira tiro ka boikanyego. Baokamedi ba bone e ne e le Jahathe le Obatya, Balefi ba losika lwa ga Merari; le Sagaria le Mesulame, ba losika lwa ga Kahathe, go tsamaisa tiro. Mme Balefi ba ba neng ba itse diletso tsa kopelo botlhe ba ne ba okametse barwadi ba merwalo, ba laola badiri botlhe ba tiro tirelong nngwe le nngwe. Bangwe ba Balefi e ne e le bakwaledi le badiri ba ntlo ya lekgotla le badisa ba kgoro. Jaanong e rile ba ntsha madi a a neng a tlisitswe kwa Ntlong ya Morena, Hilekia moperesiti a bona lokwalo lwa molao wa Morena lo lo kwadilweng ke Moše. Hilekia a ba a bolelela Safane mokwaledi a re: “Ke bonye lokwalo lwa molao mo Ntlong ya Morena,” a ba a lo mo neela. Safane a isa lokwalo loo kwa kgosing; le gona a busetsa kgosi lefoko le le reng: “Tsotlhe tse di neetsweng mo diatleng tsa batlhanka ba gago ba a di dira. Ba tsholotse madi a a fitlhetsweng kwa Ntlong ya Morena, ba a neela mo diatleng tsa ba ba beilweng baokamedi le mo diatleng tsa badiri ba tiro.” Safane mokwaledi a ba a begela kgosi a re: “Hilekia moperesiti o nneetse lokwalo”; a ba a lo buisetsa kgosi. Ya re kgosi e utlwa mafoko a molao, ya ikgagola diaparo. Kgosi ya ba ya laela Hilekia le Ahikame morwa Safane le Abetone morwa Miga le Safane mokwaledi le Asaya motlhanka wa kgosi ya re: “Yaang lo mpoletse Morena, nna le masalela a Iseraele le Juta, ka ntlha ya mafoko a lokwalo lo lo bonyweng; gonne bogale jwa Morena bo bogolo jo bo re tukelang, ka borraetsho ba se ka ba tshegetsa lefoko la Morena ka go dira fela jaaka go kwadilwe mo lokwalong loo.” Ke fa Hilekia le ba ba romilweng ke kgosi ba ya kwa go Huleta moporofeti wa sesadi, mosadi wa ga Sadume morwa Thokgathe morwa Hasera mmoloki wa diaparo. Huleta ene e na a agile mo Motseng-o-mošwa mo Jerusalema, mme ba mmotsa jalo. Huleta a ba araba a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana wa re: ‘Rayang monna yole yo o lo romileng kwano go nna lo re: Morena o bua jaana a re: Bona, ke tla tsisa tatlhego mo felong fano le mo baaging ba gona, e bong dikhutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo ba lo buiseditseng kgosi ya Juta. Ke ka gonne ba ntlogetse ba fisetsa medimo e sele maswalo, e le gore ba nkgalefise ka ditiro tsotlhe tsa diatla tsa bone; ka moo bogale jwa me bo tla tukela felo fano, mme ga bo kitla bo tima. Mme kgosi ya Juta e e lo romileng go botsa Morena, lo e ree jaana lo re: Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Fa e le mafoko a o a utlwileng: E re ka pelo ya gago e le boleta, mme o ikokobeditse fa pele ga Modimo, fa o utlwa mafoko a ona ka ga felo fano le ka ga baagi ba gona, le ka o ikokobeditse fa pele ga me, wa ikgagola diaparo, wa lela fa pele ga me, le nna ke go utlwile. Morena a re jalo. Bona, ke tla go phuthela kwa go borraago, mme o tla phuthelwa kwa lebitleng la gago ka kagiso, matlho a gago a sa bone tatlhego yotlhe e ke tla e tsisang mo felong fano le mo baaging ba gona.’ ” Mme ba busetsa kgosi karabo eo. Jaanong kgosi ya roma batho ya phutha bagolo ba Juta le Jerusalema. Kgosi ya ba ya tlhatlogela kwa Ntlong ya Morena e na le banna botlhe ba Juta le baagi ba Jerusalema le baperesiti le Balefi le morafe otlhe ba bagolo le ba bannye, mme mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano lo lo neng lo bonywe mo Ntlong ya Morena ya a buisa mo ditsebeng tsa bone. Kgosi ya ba ya ema mo felong ga yona, ya dira kgolagano fa pele ga Morena, ya ipofa go sala Morena morago le go tshegetsa ditaelo tsa gagwe le ditshupo tsa gagwe le melao ya gagwe ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, e le go dirafatsa mafoko a kgolagano a a kwadilweng mo lokwalong loo. Le gona ya tsenya botlhe ba ba neng ba le kwa Jerusalema le Babenyamene mo kgolaganong, mme baagi ba Jerusalema ba dira ka fa kgolaganong ya Modimo wa borraabo. Josia a ba a tlosa maila otlhe mo dinageng tsotlhe tsa Baiseraele, a dira gore botlhe ba ba fitlhelwang mo Iseraeleng ba direla Morena, Modimo wa bone; metlheng yotlhe ya gagwe ba se ka ba fapoga ka go se sale Morena, Modimo wa borraabo, morago. Morago ga moo Josia a direla Morena Tlolaganyo kwa Jerusalema; ba tlhaba dikwana tsa Tlolaganyo ka kgwedi ya ntlha e le 14. A tlhoma baperesiti ditirong tsa bone, a ba tiisetsa tirelo ya Ntlo ya Morena. A laela Balefi ba ba itshepetseng Morena ba ba rutang Baiseraele botlhe a re: “Bayang Letlole le le boitshepo mo Ntlong e Salomo, morwa Dafita kgosi ya Iseraele, o e agileng. Ga lo ne lo tlhola lo le sikara mo magetleng, jaanong lo direle Morena, Modimo wa lona, le morafe wa gagwe wa Iseraele. Jaanong he, ipaakanyeng ka fa malapeng a lona, setlhopha le setlhopha, ka fa taelong ya ga Dafita, kgosi ya Iseraele, le ka fa taelong ya ga Salomo morwawe; lo eme mo Felong-ga-Boitshepo ka fa dikgorong tsa malapa a ba ga lona ba morafe, mme a kgoro nngwe le nngwe e nne le Balefi ba kgotla e le nngwe; lo tlhabe dikwana tsa Tlolaganyo, lo iitshepise, lo di baakanyetse ba ga lona, e le go dira ka fa taelong ya Morena e a e buileng ka Moše.” Mme Josia a ntshetsa batho ba morafe difutshane, e bong dikwana le dipotsane tsotlhe e le tsa Tlolaganyo tsa botlhe ba ba neng ba le teng, palo ya tsona e le 30 000 le dikgomo di le 3 000; tsa ntshiwa leruong la kgosi, e le tebogelo-Modimo. Le dikgosana tsa gagwe tsa ntshetsa batho le baperesiti le Balefi ka bogatsona. Ba bagolo mo Ntlong ya Modimo, e bong Hilekia le Sagaria le Jehiele, ba neela baperesiti difutshane tsa Tlolaganyo di le 2 600 le dikgomo di le 300. Mme Konanya le bomorwa-rraagwe ba babedi, e bong Semaya le Nethanele, le Hasabja le Jehiele le Josabate ba bagolo ba Balefi ba ntshetsa Balefi difutshane tsa Tlolaganyo di le 5 000 le dikgomo di le 500. Tirelo ya rulaganngwa jalo. Baperesiti ba eme mo felong ga bone le Balefi ba le ditlhopheng tsa bone ka fa taelong ya kgosi. Balefi ba tlhaba dikwana tsa Tlolaganyo, mme baperesiti ba kgatsha madi a ba a dibegeleditseng mo diatleng tsa bona, Balefi ba ntse ba bua. Tsa setlhabelo sa phiso ba di baya go sele, e le go di neela dikgoro tsa malapa a batho ba morafe gore bone ba di tlisetse Morena jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa ga Moše. Ba dira jalo le ka dikgomo. Ba besa Tlolaganyo mo molelong ka fa molaong, mme dineo tse di boitshepo ba di apaya ka dipitsa le ka dipitsana le ka megopo, ba be ba di abela batho botlhe ba morafe ka pele. Morago ga moo ba ipaakanyetsa tsa bone le tsa baperesiti. Gonne baperesiti, bomorwa Arone, ba ne ba ntse ba tlisa ditlhabelo tsa phiso le mafura go ya bosigong; ka moo Balefi ba ipaakanyetsa tsa bone le tsa baperesiti bomorwa Arone. Le baopedi ba losika lwa ga Asafe ba ne ba le mo felong ga bone ka fa taelong ya ga Dafita le Asafe le Hemane le Jeduthune mmoni wa kgosi; le badisa ba kgoro ba ne ba le kwa kgorong nngwe le nngwe, ba sa ka ke ba tlogela tirelo ya bone, ka ba ga bone ba Balefi ba ba baakanyetsa. Tirelo yotlhe ya Morena e ne e rulagantswe sentle ka letsatsi leo gore go dirwe Tlolaganyo le ditlhabelo tsa phiso mo aletareng ya Morena ka fa taelong ya kgosi Josia. Baiseraele ba ba neng ba le teng ba dira Tlolaganyo ka sebaka seo le moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa. Go tloga metlheng ya moporofeti Samuele go ne go ise go ke go dirwe Tlolaganyo e e ntseng jalo mo Baiseraeleng; le dikgosi tsotlhe tsa Iseraele di ise di ke di dire Tlolaganyo e e tshwanang le e e dirilweng ke Josia le baperesiti le Balefi le Bajuta botlhe le Baiseraele ba ba leng teng le baagi ba Jerusalema. Tlolaganyo e ya dirwa ka ngwaga wa 18 wa puso ya ga Josia. Morago ga tsotlhe tseo, fa Josia a sena go baakanya Tempele, ga bolola Nego kgosi ya Egepeto go tlhabana le motse wa Karekemiše o o fa nokeng ya Ferathe; mme Josia a bolola go mo kgatlhantsha. Ke fa Nego a roma barongwi kwa go ene a re: “Ke na le eng nao, kgosi ya Juta? Ga ke a tla kajeno go lwa nao, mme ke bololetse bogosi jo bongwe. Le gona Modimo o ntaetse gore ke itlhaganele. Se ganetse Modimo o o nang le nna, e se re gongwe wa go senya.” Mme Josia a se ka a mo tlogela, mme a ikgakisa go tlhabana nae; a se ka a utlwa mafoko a ga Nego a a tswang molomong wa Modimo, mme a fitlha go tlhabana kwa lebaleng la Megito. Ke fa bahudi ba hula kgosi Josia, mme kgosi e raya batlhanka ba yona e re: “Ntloseng, gonne ke khutlegile thata.” Batlhanka ba gagwe ba mo ntsha mo koloing ya ntwa, ba mo pega mo koloing ya bobedi ya gagwe, ba mo isa kwa Jerusalema; a swela teng, a fitlhwa mo mabitleng a borraagwe. Batho botlhe ba Juta le ba Jerusalema ba lelela Josia. Jeremia a tlhaba sefela sa selelo ka ga Josia. Le baopedi botlhe ba banna le ba basadi ba bolela ka ga Josia mo difeleng tsa bone tsa selelo go fitlha letsatsing leno, ya nna tsa tlwaelo e e tlhomameng mo Baiseraeleng; kana di kwadilwe mo Difeleng tsa Selelo. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Josia le ditiro tsa gagwe tsa tumelo-Modimong tse di utlwanang le se se kwadilweng mo molaong wa Morena le ditirafalo tsa gagwe tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele le Juta. Foo batho ba kwa nageng ba tsaya Joahase morwa Josia ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga rraagwe kwa Jerusalema. Joahase o ne a le dinyaga di le 23, fa a nna kgosi; a busa dikgwedi di le tharo fela kwa Jerusalema. Gonne kgosi ya Egepeto e ne ya mo ntsha mo bogosing kwa Jerusalema, ya lefisa lefatshe ditalente di le 100 tsa selefera le talente e le nngwe ya gouta. Kgosi ya Egepeto ya ba ya dira Eliakime, monnawe Joahase, kgosi ya Juta le Jerusalema, ya fetola leina la gagwe, ya mmitsa Joyakime. Mme Joahase mogolowe Nego a mo tsaya a mo isa kwa Egepeto. Joyakime o ne a le dinyaga di le 25, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 11 kwa Jerusalema. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena, Modimo wa gagwe. Nebukatenesare kgosi ya Babele a mmololela, a mo golega ka dikeetane go mo isa kwa Babele. Nebukatenesare a tsaya tse dingwe tsa dilwana tsa Ntlo ya Morena, a di isa kwa Babele, a di tsenya mo tempeleng ya gagwe kwa Babele. Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joyakime le tsa makgapha tse o neng a di dira le tse di neng di fitlhelwa mo go ene kana di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele le Juta, mme Joyagine morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Joyagine o ne a le dinyaga di le 18, fa a nna kgosi; a busa dikgwedi di le tharo le malatsi a le some fela kwa Jerusalema. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ka tshokologo ya ngwaga kgosi Nebukatenesare a roma batho, ba mo isa kwa Babele le dilo tse di tlhokegang tsa Ntlo ya Morena; a dira Setekia rrangwanaagwe kgosi ya Juta le Jerusalema. E rile Setekia a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 21; a busa dinyaga di le 11 kwa Jerusalema. A dira tse di bosula mo matlhong a Morena, Modimo wa gagwe; a se ka a ikokobetsa fa pele ga moporofeti Jeremia yo o neng a bua ka taelo ya Morena. Le gona a tsogela kgosi Nebukatenesare yo o neng a mo ikanisitse ka Modimo; a gagamatsa thamo ya gagwe, a thatafatsa pelo ya gagwe, mo a bileng a se ka a boela Moreneng, Modimo wa Iseraele. Le dikgosana tsotlhe tsa Juta le baperesiti le batho ba morafe ba dira tsa boikanyologo jo bogolo tse di tshwanang le makgapha otlhe a baheitane, ba itshekolola Ntlo ya Morena e o neng a e itshepisitse kwa Jerusalema. Le gale Morena, Modimo wa borraabo, a nna a ba romela dikaelo ka tlhoafalo ka barongwi ba gagwe; gonne o ne a rekegela morafe wa gagwe le boago jwa gagwe. Mme ba nna ba sotla barongwi ba Modimo, ba nyatsa mafoko a ona, ba kgoba baporofeti ba ona ga tsamaya bogale jwa Morena jwa tsogela morafe wa gagwe go fitlha mo go se nang kalafo. Ke fa a ba bololetsa kgosi ya Bakalatea, ya bolaya makau a bone ka tšhaka mo Ntlong e e Boitshepo ya bone; ya se ka ya rekegela makau le makgarebe le banna bagolo le batsofe; a ba neela botlhe mo diatleng tsa yona. Dilo tsotlhe tsa Ntlo ya Modimo tse dikgolo le tse dinnye le dikhumo tsa Ntlo ya Morena le dikhumo tsa kgosi le tsa dikgosana tsa yona tsotlhe ya di isa kwa Babele. Ba fisa Ntlo ya Modimo, ba thuba lobota lwa Jerusalema, ba fisa matlo otlhe a borena a teng, mo go bileng ga senyega dilo tsotlhe tse di tlhokegang tsa teng. Mme ba ba falotseng mo tšhakeng ya ba isa botshwarong kwa Babele, ba nna makgoba a yona le a bomorwaa-yona ga tsamaya puso ya nna ya Baperesia, e le go dirafatsa lefoko la Morena le o le buileng ka molomo wa ga Jeremia a re: “Ke go ya lefatshe le be le bone boSabata ba lone. Malatsi otlhe a le ntshitsweng sekaka ka ona, la ikhutsa go ya go tlatsa dinyaga di le 70.” Mme ka ngwaga wa ntlha wa ga Korese kgosi ya Peresia – e le go dirafatsa lefoko la Morena le o le buileng ka molomo wa ga Jeremia – Morena a tsosa mowa wa ga Korese kgosi ya Peresia, ya ba ya tlhaba mokgosi mo pusong yotlhe ya yona le ka dikwalo ya re: “Korese kgosi ya Peresia o bua jaana a re: ‘Morena, Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe; ke ene yo o ntaetseng gore ke mo agele Ntlo kwa Jerusalema mo Juta. Jaanong le fa e le mang mo go lona yo e leng wa morafe wa gagwe, a Morena, Modimo wa gagwe, a nne nae mme a a boele gona.’ ” Ka ngwaga wa ntlha wa ga Korese kgosi ya Peresia – e le go dirafatsa lefoko la Morena le o le buileng ka molomo wa ga Jeremia – Morena a tsosa mowa wa ga Korese kgosi ya Peresia, ya ba ya tlhaba mokgosi mo pusong yotlhe ya yona le ka dikwalo ya re: “Korese kgosi ya Peresia o bua jaana a re: ‘Morena, Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe, a ba a ntaela ka esi gore ke mo agele Ntlo kwa Jerusalema mo Juta. Jaanong le fa e le mang mo go lona yo e leng wa morafe wa gagwe, a Modimo wa gagwe o nne nae; mme a a boele kwa Jerusalema yo o kwa Juta, a age Ntlo ya Morena, Modimo wa Iseraele. Ke ona Modimo o o kwa Jerusalema. Mongwe le mongwe wa lesalela wa felo gongwe le gongwe kwa a jakang teng a batho ba gona ba mo thuse ka selefera le gouta le dithoto le diruiwa mmogo le dineo tsa lorato tsa Ntlo ya Modimo o o kwa Jerusalema.’ ” Ke fa go nanoga ditlhogo tsa dikgoro tsa Juta le Benyamene le baperesiti le Balefi le mongwe le mongwe yo Modimo o tsositseng mowa wa gagwe, go boela le go aga Ntlo ya Morena yo o kwa Jerusalema. Mme botlhe ba ba neng ba le mo tikologong ya bone ba tiisa mabogo a bone ka dilo tsa selefera le ka gouta le ka dithoto le ka diruiwa le ka dilo tse di tlhokegang kwa ntle ga dineo tsotlhe tsa bopelotshweu. Dilo tsa Ntlo ya Morena tse Nebukatenesare o neng a di ntshitse kwa Jerusalema, a di baya mo tempeleng ya modimo wa gagwe, tsona kgosi Korese a di ntsha. Korese kgosi ya Peresia a di neela mo diatleng tsa ga Mitheretathe, mookamedi wa dikhumo; ene a di bala, a di neela Sesebasare, mogogi wa Bajuta. Palo ya tsona ke e: Megopo ya gouta e le 30, megopo ya selefera e le 1 000; dithipa di le 29, dinwelo tsa gouta di le 30, dinwelo tsa selefera di le 410, dilwana tse dingwe di le 1 000. Dilo tsotlhe tsa gouta le tsa selefera di ne di le 5 400. Tsotlhe tseo Sesebasare o tlile natso jale fa a ntsha batshwarwi kwa Babele, a ba isa kwa Jerusalema. Batho ba naga ya Juta ba ba boileng botshwarong e le batshwarwi ba Nebukatenesare kgosi ya Babele o kileng a ba isa botshwarong kwa Babele, mme jaanong ba boela kwa Jerusalema le Juta mongwe le mongwe kwa motseng wa ga gabo ke ba: ba tla le Serubabele le Jesua le Nehemia le Seraya le Reelaya le Moretogai le Bilesane le Misephare le Bigwai le Rehume le Baana. Palo ya banna ba morafe wa Iseraele ke e: Ba losika lwa ga Pharoše ba le 2 172; ba losika lwa ga Sefatya ba le 372; ba losika lwa ga Ara ba le 775; ba losika lwa ga Phahathe-Moabe, e bong ba losika lwa ga Jesua le Joabe ba le 2 812; ba losika lwa ga Elame ba le 1 254; ba losika lwa ga Sathu ba le 945; ba losika lwa ga Sakai ba le 760; ba losika lwa ga Bani ba le 642; ba losika lwa ga Bebai ba le 623; ba losika lwa ga Asekate ba le 1 222; ba losika lwa ga Atonikame ba le 666; ba losika lwa ga Bigwai ba le 2 056; ba losika lwa ga Adine ba le 454; ba losika lwa ga Atere lwa ga Hesekia ba le 98; ba losika lwa ga Besai ba le 323; ba losika lwa ga Jora ba le 112; ba losika lwa ga Hasume ba le 223; ba Gibare ba le 95; ba Betleheme ba le 123; banna ba Netofa ba le 56; banna ba Anathothe ba le 128; ba losika lwa ga Asemawethe ba le 42; ba Khiriathe-Arime le Kefira le Beerothe ba le 743; ba Rama le Geba ba le 621; banna ba Migemase ba le 122; banna ba Bethele le Ai ba le 223; ba losika lwa ga Nebo ba le 52; ba losika lwa ga Magebise ba le 156; ba losika lwa ga Elame yo mongwe ba le 1 254; ba losika lwa ga Harime ba le 320; ba Lote le Hadite le Ono ba le 725; ba Jerigo ba le 345; ba losika lwa ga Senaa ba le 3 630. Baperesiti: Ba losika lwa ga Jetaya, ba kgoro ya ga Jesua ba le 973; ba losika lwa ga Imere ba le 1 052; ba losika lwa ga Phašure ba le 1 247; ba losika lwa ga Harime ba le 1 017. Balefi: Ba losika lwa ga Jesua le Katemiele, ba losika lwa ga Hotafia ba le 74. Baopedi: Ba losika lwa ga Asafe ba le 128. Ba ditshika tsa badisa ba dikgoro: Ba losika lwa ga Sadume le Atere le Talemone le Akhube le Hatita le Sobai botlhe mmogo ba le 139. Batlhanka ba Tempele ke ba: Ke ba losika lwa ga Siha le boora Hasufa le boora Tabaothe le boora Kerose le boora Siaha le boora Fatone le boora Lebana le boora Hagaba le boora Akhube le boora Hagabe le boora Samelai le boora Hanane le boora Gitele le boora Kahare le boora Reaya le boora Resine le boora Nekota le boora Gasame le boora Usa le boora Phasea le boora Besai le boora Asena le boora Bameuni le boora Banefusi le boora Bakabuke le boora Hakhufa le boora Harehure le boora Baselothe le boora Mehita le boora Haresa le boora Barekose le boora Sisera le boora Thema le boora Nesia le boora Hatifa. Ba ditshika tsa batlhanka ba ga Salomo ke ba: Ke boora Sotai le boora Hasoferethe le boora Feruta le boora Jaala le boora Darekone le boora Gitele le boora Sefatya le boora Hatile le boora Phogerethe-Hasebaime le boora Ami. Batlhanka botlhe ba Tempele le boora batlhanka ba ga Salomo ba ne ba le 392. Ba ba tswang go boa kwa Thelemela le Theleharesa le Kerube le Atane le Imere, mme ba se ka ba kgona go supa lelapa la bone le losika lwa bone fa e le Baiseraele ke ba: Ke boora Delaya le boora Tobia le boora Nekota ba le 652 mmogo. Le boora baperesiti: E bong boora Habaya le boora Hakose le boora Baresilai yo o neng a tsere mosadi mo go bomorwadia Baresilai wa kwa Gileate, mme a bidiwa ka leina la bone. Bao ba batla matsalo a bone mo lokwalong lwa maina a ditshika, mme a se ka a bonala; ka moo ba kaiwa ba ba itshekologileng, ba ntshiwa mo boperesiting. Mme mookamedi wa naga a ba laela gore ba se ka ba ja tse di boitshepotshepo go tsamaya go be go tsoge moperesiti yo o nang le “Lesedi le Tshiamo”. Phuthego yotlhe mmogo e ne e le batho ba le 42 360; go sa balwe batlhanka ba bone le malata a bone; bone ba ne ba le 7 337. Ba bile ba na le baopedi ba banna le ba basadi ba le 200. Dipitse tsa bone di ne di le 736, meboulwe ya bone e le 245; dikammele tsa bone di le 435, diesele tsa bone di le 6 720. Mme bangwe ba ditlhogo tsa dikgoro, e rile ba fitlha kwa Ntlong ya Morena e e kwa Jerusalema, ba ntshetsa Ntlo ya Modimo dineo ka bogabone gore e tsosiwe gape mo motheong wa yona; ba ntshetsa polokelo ya tiro eo ka fa ba kgonang ka teng, e bong diranta di le 122 000 tsa madi a gouta le dimane di le 5 000 tsa selefera le dikobo tsa baperesiti di le 100. Mme baperesiti le Balefi le bangwe ba morafe le baopedi le badisa ba dikgoro le batlhanka ba Tempele ba aga kwa metseng ya bone le Baiseraele botlhe kwa metseng ya bone. E rile kgwedi ya bosupa e sena go atamela, Baiseraele ba ntse ba le mo metseng ya bone, morafe otlhe wa phuthegela kwa Jerusalema ka seopo sengwe. Ga nanoga Jesua, morwa Josatake, le ba ga gabo, baperesiti, le Serubabele morwa Salathiele le ba ga gabo, ba aga aletare ya Modimo wa Iseraele go dira ditlhabelo tsa phiso mo go yona jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moše, monna wa Modimo. Ba tsosa aletare mo felong ga yona; gonne ba ne ba tshogile merafe ya mafatshe; ba direla Morena ditlhabelo tsa phiso mo go yona, ditlhabelo tsa phiso tsa meso le tsa maitsiboa. Ba dira Moletlo wa Metlaagana jaaka go laetswe le ditlhabelo tsa phiso tsa letsatsi lengwe le lengwe ka palo e e tshwanetseng jaaka go batlega letsatsi lengwe le lengwe. Go tloga foo ba tlisa setlhabelo sa phiso sa ka gale le sa dingwedi tse di rogilweng le sa Meletlo yotlhe ya Morena e e itshepisitsweng le sa mongwe le mongwe yo o neelang Morena neo ka bogagagwe. Ba simolola ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa go direla Morena ditlhabelo tsa phiso, le fa motheo wa Tempele ya Morena o ne o ise o theiwe. Mme ba neela babetli ba majwe le ba dikgong madi, ba neela ba Sitone le Tiro dijo le dino le lookwane gore ba tsee dikota tsa mesetere kwa Lebanone, ba di ise kwa lewatleng le kwa Jafo ka fa ba laetsweng ka teng ke Korese kgosi ya Peresia. Mme ka kgwedi ya bobedi ya ngwaga wa bobedi ba sena go boela kwa Ntlong ya Modimo kwa Jerusalema ga simolola Serubabele morwa Salathiele le Jesua morwa Josatake le ba ga bone ba bangwe le baperesiti le Balefi ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone gore ba okamele tiro kwa Ntlong ya Morena. Ga ema Jesua le bomorwawe le ba ga gabo Katemiele le Binwi le Hotabja jaaka monna a le mongwe go okamela badiri ba tiro kwa Ntlong ya Modimo, ba na le bomorwa Henatate le bomorwaa-bone le ba ga bone ba Balefi. Ya re baagi ba thaya motheo wa Tempele ya Morena, baperesiti ba bo ba eme, ba apere tsa boperesiti ba tshotse diphala, le Balefi boora Asafe ba tshotse matlhao-a-mabogo go baka Morena ka fa taelong ya ga Dafita kgosi ya Iseraele. Ba tlhaba sefela sa go baka ba re: “Lebogang Morena, gonne o molemo, mme bopelotlhomogi jwa gagwe bo okame Baiseraele ka bosakhutleng.” Mme morafe otlhe wa duduetsa ka tuduetso e kgolo ka go baka Morena, ka motheo wa Ntlo ya Morena o ne o theilwe. Mme ba bantsi ba baperesiti le Balefi le ba ditlhogo tsa dikgoro, ba e leng batsofe ba ba neng ba bonye Ntlo ya Modimo ya pele, ya re go theiwa motheo wa Ntlo e mo matlhong a bone, ba lela ka selelo se segolo, mme ba bantsi ba bangwe ba le tuduetsong ka go tsholetsa mantswe ka boitumelo. Go ne go pala go ka farologanya mantswe a tuduetso ya boitumelo le mantswe a selelo sa morafe; gonne morafe o ne o duduetsa ka tuduetso e kgolo, mme modumo wa utlwala kgakala. Mme e rile baganetsi ba Juta le Benyamene ba utlwa gore ba ba tswang botshwarong ba aga Tempele ya Morena, Modimo wa Iseraele, ba atamela Serubabele le ditlhogo tsa dikgoro, ba ba raya ba re: “Nteng re ageng le lona; gonne re batla Modimo wa lona jaaka lona, e bile ke ona o re ntseng re o direla ditlhabelo go tloga malatsing a ga Esarehatone kgosi ya Asiria e e re huduseditseng ntlha eno.” Mme Serubabele le Jesua le ditlhogo tse dingwe tsa dikgoro tsa Baiseraele ba ba araba ba re: “Ga go a lo tshwanela go aga Ntlo ya Modimo wa rona mmogo le rona, mme rona re tla agela Morena, Modimo wa Iseraele, re le rosi jaaka Korese kgosi ya Peresia e re laetse.” Ke fa morafe wa lefatshe o repisa mabogo a morafe wa Juta, wa o tshabisa go aga. Le gona ba ba senyetsa ka go rapa bagakolodi gore ba senye maikaelelo a bone kwa kgosing malatsing otlhe a ga Korese kgosi ya Peresia le go fitlha pusong ya ga Dario kgosi ya Peresia. Mo metlheng ya puso ya ga Ahasewerose, tshimologong ya puso ya gagwe, ba kwala lokwalo lo lo tebang baagi ba Juta le Jerusalema. Mo metlheng ya ga Arethašasetha, kgosi ya Peresia, Biselame le Mitheretathe le Tabeele le balekane ba bangwe ba gagwe ba kwalela Arethašasetha kgosi ya Peresia; mafoko a lokwalo loo a ne a kwadilwe ka Sesiria, a bile a fetotswe. Ka Sesiria go ne go twe: Rehume molaodi le Simesai mokwaledi ba ne ba kwalela kgosi Arethašasetha lokwalo ka ga Jerusalema lo lo reng: “Rona Rehume, molaodi, le Simesai, mokwaledi, le balekane botlhe ba bone, e bong Badinai le Baafaresathegai le Batarephelai le Baperesia le batho ba Erege le ba Babele le ba Susa, ke go re, Baelame le ba merafe e mengwe, ba Asenaphare yo mogolo yo o tumileng o neng a ba hudusa, a ba baya mo metseng ya Samaria le mo dinageng tse dingwe ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe re kwala jaana.” Mme mafoko a lokwalo lo ba lo mo rometseng ke a a reng: “Go Arethašasetha kgosi, rona batlhanka ba gago le batho ba bophirimatsatsi jwa noka ya Ferathe ra re: A go itsisiwe kgosi gore Bajuta ba ba tlogileng koo go wena, ba tlile kwano go rona kwa Jerusalema. Motse oo wa moferefere o o bosula ba a o aga, ba fetsa dipota, ba baakanya metheo. Jaanong he, a go itsisiwe kgosi gore fa motse oo o ka agiwa le dipota tsa fediwa, ga ba kitla ba ntsha lekgetho le kabelo ya thobo le lekgetho la tsela, mme go dira jalo go tla fokotsa tse di amogelwang ke dikgosi. Jaanong e re ka re jele letswai la ntlo ya borena, mme re sa tshwanela go leba go ya tlase ga kgosi fela, ke ka moo re rometseng lokwalo, ra itsise kgosi jalo gore e batlisise mo lokwalong lwa ditirafalo tsa kgale tsa borraago; foo o tla bona mo go lone, o lemoga gore motse oo ke motse wa moferefere o o senyeditseng dikgosi le dinaga; ba ne ba ntse ba tsosa leferetlho mo go ona go tloga bogologolo. Ke ka moo go sentsweng motse oo. Re itsise kgosi gore fa motse oo o ka agiwa le dipota tsa ona tsa fediwa, gona o tla bo o sa tlhole o na le kabelo epe ya naga ka kwano ga noka Ferathe.” Kgosi ya romela phetolo e e reng: “Go Rehume, molaodi, le Simesai, mokwaledi, le balekane ba bangwe ba bone ba ba agileng kwa Samaria le mo dinageng tse dingwe ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe: Madume! Lokwalo lo lo lo re rometseng lo buisitswe fa pele ga me, ka lo utlwa. Taelo ya ba ya tswa mo go nna, ka re ba batle, mme ba fitlhela motse oo o ne o ntse o tsogela dikgosi go tswa metlheng ya bogologolo, go bile go ntse go tsosiwa moferefere le borukhutlhi mo go ona. Dikgosi tse di thata di ne di busa kwa Jerusalema, di busa naga yotlhe ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe, di ntshediwa lekgetho le kabelo ya thobo le lekgetho la tsela. Jaanong laelang gore banna bao ba thibelwe, mme motse oo o se agiwe go tsamaya taelo e be e tswe mo go nna. Ka moo itiseng lo se nne bonya mo tirong e, e se re gongwe tshenyego ya golela pele, ya senyetsa dikgosi.” Jaanong ya re mafoko a lokwalo lwa ga Arethašasetha kgosi a sena go buisiwa fa pele ga Rehume molaodi le Simesai mokwaledi le balekane ba bone, ba ya ka potlako kwa Jerusalema kwa Bajuteng, ba feta ba ba emisa tirong ka thata le ka bogale. Ke fa tiro e khutla ya go aga Ntlo ya Modimo kwa Jerusalema, ya ema go ya ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Dario kgosi ya Peresia. Mme baporofeti Hakai le Sagaria morwa Ito ba rerela Bajuta ba ba kwa Juta le Jerusalema Lefoko la Modimo ka taelo ya Modimo wa Baiseraele o o neng o ba okame. Ke fa Serubabele morwa Salathiele le Jesua morwa Josatake ba nanoga, ba simolola go aga Ntlo ya Modimo kwa Jerusalema, ba na le baporofeti ba Modimo ba ba ba thusang. Ka nako eo ga tla kwa go bone Thathenai molaodi wa naga ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe le Sethare-Bosenai le balekane ba bone, ba ba botsa jaana ba re: “Ke mang yo o lo reboletseng go aga Ntlo e le go fetsa lobota lo?” Ke fa re ba bolelela maina a banna ba ba agang kago eo. Mme leitlho la Modimo le ne le okame bagolo ba Bajuta, mo ba bileng ba se ka ba thibelwa gore kitsiso e be e fitlhe kwa go Dario pele le karabo ya kgosi e be e boe e e atlholang kgang eo. Mafoko a lokwalo lo Thathenai molaodi wa naga ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe le Sethare-Bosenai le balekane ba gagwe, e bong Baperesia ba ba mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe ba lo rometseng kwa go Dario kgosi. Ba mo romela mafoko ka lokwalo, mme go ne go kwadilwe jaana mo go lone ga twe: “Go kgosi Dario! Kagiso yotlhe! A go itsiwe ke kgosi gore re ile kwa nageng ya Juta kwa Ntlong ya Modimo o mogolo. E agiwa ka mafika a magolo, dipota di manegwa dipati; tiro eo e dirwa ka tlhokomelo, e tswelela pele sentle ka diatla tsa bona. Ra botsa bagolo ba teng, ra ba raya ra re: ‘Ke mang yo o lo reboletseng go aga Ntlo e le go fetsa lobota lo?’ Le gona re ba boditse maina a bone gore re tle re a go begele; ra kwala maina a banna ba e leng ditlhogo tsa bone. Ba re araba ba re: ‘Rona re batlhanka ba Modimo wa legodimo le lefatshe; re aga Ntlo ya Modimo wa legodimo le lefatshe; re aga Ntlo ya Modimo gape e e kileng ya agiwa pele ga dinyaga tse dintsi, e kgosi e kgolo ya Iseraele e e agileng ya e fetsa. Mme e re ka borraetsho ba ne ba galefisitse Modimo wa legodimo, wa ba neela mo diatleng tsa ga Nebukatenesare wa Mokalatea kgosi ya Babele; ene a senya Ntlo e, a isa batho mo botshwarong kwa Babele. Mme ka ngwaga wa ntlha wa ga Korese kgosi ya Babele, kgosi Korese a laela gore ntlo e ya Modimo e agiwe gape. A ba a ntsha le dilwana tsa Ntlo ya Modimo tsa gouta le tsa selefera tse Nebukatenesare o neng a di ntshitse mo Tempeleng ya Jerusalema, a di isa kwa tempeleng ya Babele; kgosi Korese a di ntsha mo tempeleng ya Babele, a di neela mongwe yo leina la gagwe e leng Sesebasare yo a mo dirileng molaodi; a mo laela a re: Tsaya dilwana tse, o ye o di bee mo Tempeleng e e kwa Jerusalema, mme a Ntlo ya Modimo e agiwe mo felong ga yona. Ke fa Sesebasare yoo a tla, a thaya motheo wa Ntlo ya Modimo mono Jerusalema, mme go tloga foo go fitlha jaanong go ntse go agiwa, mme ga go ise go fediwe.’ Jaanong he, fa go kgatlha kgosi, a go batliwe mo ntlong ya khumo ya kgosi koo Babele, fa e le nnete, fa kgosi Korese a laetse go aga Ntlo e ya Modimo mono Jerusalema. Mme a kgosi e re itsise katlholo ya yona ka ga selo se.” Ke fa Dario kgosi a laela gore ba batle mo matlong a dikwalo kwa ba neng ba beela mahumo teng kwa Babele. Mme mo motseng o o femetsweng wa Agemetha o o kwa nageng ya Media ga bonwa lokwalo lo go kwadilweng jaana mo go lone ga twe: “Mafoko a lekgotla: Ka ngwaga wa ntlha wa puso ya ga Korese kgosi Korese a laela gore Ntlo ya Modimo e agiwe kwa Jerusalema, go nna felo fa ba dirang ditlhabelo teng. A metheo ya yona e theiwe. Bogodimo jwa yona e nne mabogo a le 60, le bophara jwa yona e nne mabogo a le 60. A go nne mela ya mafika a magolo e le meraro le mola o le mongwe wa mesipuri. Mme madi a ditshenyegelo tsa teng a ntshiwe mo letloleng la kgosi. Le dilwana tsa gouta le selefera tsa Ntlo ya Modimo tse Nebukatenesare o neng a di ntsha mo Ntlong eo kwa Jerusalema a di isa kwa Babele, a di busiwe, di isiwe gape kwa Ntlong ya Modimo e e kwa Jerusalema felong ga tsona, o fete o di bee mo go yona.” Ka moo kgosi Dario a laela ka lokwalo a re: “Jaanong he, lona Thathenai molaodi wa naga ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe le Sethare-Bosenai le balekane ba lona, e bong Baperesia ba ba ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe, tlogelang tseo. Fa e le kago ya Ntlo ya Modimo eo, lo lese molaodi wa Bajuta le bagolo ba Bajuta gore ba e age mo felong ga yona. Ke bile ke laetse tse lo tshwanetseng go di direla bagolo ba Bajuta bale gore ba itse go aga Ntlo ya Modimo eo: Ditshenyegelo tsa teng di ntshiwe mo dikhumong tsa kgosi tsa lekgetho la ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe ka bonako, di neelwe banna bale kwa ntle ga tiego. Mme tse di batlegang, e bong dipoana le diphelehu le dikwana tsa ditlhabelo tsa phiso tsa Modimo wa legodimo gongwe mabele le letswai le weine le lookwane gongwe eng, a ba di neelwe ka fa taelong ya baperesiti ba ba kwa Jerusalema ka letsatsi lengwe le lengwe go se ka ga tlhaela sepe gore ba nne ba isetse Modimo wa legodimo ditshupelo tsa maswalo, ba be ba rapelele botshelo jwa kgosi le jwa bomorwaa-yona. Gape ke beile molao wa go re motho mongwe le mongwe yo o nyatsang taelo e, a go somolwe pinagare mo ntlong ya gagwe, e be e tlhongwe mme ene a pegwe mo go yona, mme ntlo ya gagwe e dirwe thotobolo ka ntlha ya gona moo. Mme Modimo o o beileng leina la ona teng a o dige kgosi nngwe le nngwe le morafe mongwe le mongwe ba ba ka ntshang mabogo go fetola moo le go senya Ntlo eo ya Modimo e e kwa Jerusalema. Ke nna Dario ke laetseng jalo! A go dirwe jalo ka tlhokomelo, go se fosege sepe.” Ke fa Thathenai molaodi wa naga ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe le Sethare-Bosenai le balekane ba bone ba dira jalo ka tlhoafalo, fela jaaka kgosi Dario a ba laetse ka lokwalo. Mme bagolo ba Bajuta ba aga, ba tswelela pele sentle mo tirong ka polelelopele ya baporofeti Hakai le Sagaria morwa Ito; ba aga ba fetsa ka taelo ya Modimo wa Iseraele le ka taelo ya ga Korese le Dario le Arethašasetha dikgosi tsa Peresia. Mme Ntlo ya Modimo ya fediwa ka letsatsi la boraro la kgwedi ya Atare ka ngwaga wa borataro wa puso ya kgosi Dario. Ke fa Baiseraele, e bong baperesiti le Balefi le ba bangwe ba ba tswang kwa botshwarong ba dira moletlo wa kgakolo ya Ntlo ya Modimo ka boitumelo. Ka kgakolo ya Ntlo ya Modimo ba dira ditlhabelo tsa dipoo di le 100 le diphelehu di le 200 le dikwana di le 400 le ditlhabelo tsa boleo tsa diphoko di le 12, ka ntlha ya Baiseraele botlhe ka fa palong ya ditso tsa bone. Le gona ba tlhoma baperesiti ka fa ditlhopheng tsa bone le Balefi ka fa masomong a bone gore ba direle Modimo kwa Jerusalema ka fa molaong wa lokwalo lwa ga Moše. Ba ba tswang kwa botshwarong ba bile ba dira moletlo wa Tlolaganyo ka kgwedi ya ntlha e le 14. Gonne baperesiti le Balefi ba ne ba iitshekisitse mmogo, ba le phepa botlhe. Balefi ba tlhabela botlhe ba ba tswang botshwarong dikwana tsa Tlolaganyo, le baperesiti ba ga bone le go di itlhabela. Baiseraele ba ba neng ba boile kwa botshwarong ba ja Tlolaganyo mmogo le botlhe ba ba itomologantseng le boitshekologo jwa baheitane ba lefatshe le go tlotla Morena, Modimo wa Iseraele, nabo. Ba be ba dira Moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka boitumelo; gonne Morena o ne a ba itumedisitse, a sokololetse pelo ya kgosi ya Asiria kwa go bone go tiisa mabogo a bone mo tirong ya Ntlo ya Modimo, Modimo wa Iseraele. Morago ga ditirafalo tseo pusong ya ga Arethašasetha kgosi ya Peresia ga tla Esera morwa Seraya morwa Asaria morwa Hilekia morwa Sadume morwa Satoke morwa Ahitube morwa Amaria morwa Asaria morwa Merayothe morwa Seragia morwa Usi morwa Bukhi morwa Abisua morwa Phinehase morwa Eleasare morwa Arone moperesiti yo mogolo. Esera yoo a tla a tswa kwa Babele, e le motho yo o rutegileng mo dikwalong, a itse molao wa ga Moše sentle o o neng o beilwe ke Morena, Modimo wa Iseraele. Mme kgosi ya mo naya tsotlhe tse o di batlang, ka seatla sa Morena, Modimo wa gagwe, se ne se mo okame. Bangwe ba Baiseraele le ba baperesiti le ba Balefi le ba baopedi le ba badisa ba dikgoro le ba batlhanka ba Tempele ba tla nae kwa Jerusalema ka ngwaga wa bosupa wa kgosi Arethašasetha. Esera a fitlha kwa Jerusalema ka kgwedi ya botlhano ya ngwaga wa bosupa wa kgosi. Ya re ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha a rulaganya khudugo kwa Babele, mme ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya botlhano a goroga mo Jerusalema, ka Modimo o o molemo wa gagwe o ne o mo eme nokeng. Gonne Esera o ne a ikaeletse ka pelo go batlisisa molao wa Morena le go dira ka ona le go ruta molao le tshiamo mo Baiseraeleng. Mafoko a lokwalo lo kgosi Arethašasetha o neng a lo neela Esera moperesiti moitsedikwalo morutegi mo mafokong a ditaolo tsa Morena le a melao ya gagwe mo Iseraeleng ke a: “Arethašasetha kgosi ya dikgosi go Esera moperesiti morutegi wa dikwalo tsa molao wa Modimo wa Legodimo: Kagiso e e tletseng! Ke ntshitse taelo ya go re, mongwe le mongwe pusong ya me wa morafe wa Iseraele le wa baperesiti ba ona le wa Balefi yo o ratang go ya kwa Jerusalema a ye nao, fela jaaka o romilwe ke kgosi le banna ba lekgotla la yona ba supa go tlhotlhomisa Juta le Jerusalema ka molao wa Modimo wa gago o ò o tshotseng le go isa selefera le gouta teng tse kgosi le banna ba lekgotla la yona ba di ntsheditseng Modimo wa Iseraele ka bopelotshweu, o moago wa ona o leng kwa Jerusalema, le selefera le gouta tsotlhe tse o tla di amogelang mo nageng yotlhe ya Babele mmogo le dineo tsa boitumelelo tsa morafe le tsa baperesiti tse ba tla di ntshetsang Ntlo ya Modimo wa bone e e kwa Jerusalema. Ka moo o reke dipoo le diphelehu le dikwana le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa teng ka madi a ka tlhokomelo, o di tlhabele mo aletareng ya Ntlo ya Modimo wa lona kwa Jerusalema. Fa selefera le gouta di ka sala, lo di dirise ka fa go lo siametseng ka teng ka fa thatong ya Modimo wa lona. Le dilwana tse o di neelwang tsa tirelo-Modimo mo Ntlong ya Modimo wa gago o di fitlhise di le mmogo fa pele ga Modimo wa Jerusalema. Mme dilo tse dingwe tse di ka tlhaelang mo Ntlong ya Modimo wa gago, tse o tshwanetseng go di e batlela, o di lefe ka madi a letlole la kgosi. Ke nna kgosi Arethašasetha ke laelang baokamedi botlhe ba mahumo ba ba ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe gore tsotlhe tse Esera, moperesiti morutegi mo molaong wa Modimo wa legodimo, o tla di kopang mo go lona, a di dirwe ka go akofa, go ya go fitlha ditalenteng di le lekgolo tsa selefera le dikgetseng di le lekgolo tsa mabele le dinkgong di le lekgolo tsa weine le dinkgong di le lekgolo tsa lookwane le letswai le le se nang seelo. Tsotlhe tse di batlegang ka fa molaong wa Modimo wa legodimo a di direlwe Ntlo ya Modimo wa legodimo ka tlhoafalo, e se re gongwe bogale jwa wela mo pusong ya kgosi le bomorwaa-yona. Mme lo itsisiwe gore ga go na ope yo o letlelelwang go lefisa mongwe wa baperesiti le Balefi le baopedi le badisa ba dikgoro le batlhanka ba Tempele le badiredi ba Ntlo ya Modimo lekgetho le kabelo ya thobo le lekgetho la tsela. “Mme wena Esera, dira ka fa botlhaleng jwa molao wa Modimo wa gago o ò o tshotseng, o tlhome babusi le baatlhodi gore ba direle morafe otlhe tshiamo o o mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe, e bong botlhe ba ba itseng melao ya Modimo wa gago; mme ba ba sa e itseng lo e ba rute. Mme mongwe le mongwe yo o sa direng ka molao wa Modimo wa gago le ka molao wa kgosi, a a atlholwe ka pele ka go bolawa gongwe ka go lelekwa gongwe ka go amogwa di-tsa-gagwe gongwe ka go tsenngwa mo ntlong ya kgolegelo.” “A go bakwe Morena Modimo wa borraetsho o o tsentseng tse di ntseng jalo mo pelong ya kgosi gore e kgabise Ntlo ya Morena e e kwa Jerusalema; wa sekamisetsa bopelotlhomogi jwa kgosi go nna le jwa banna ba lekgotla la yona le jwa dikgosana tsotlhe tse di thata tsa yona. Ke fa ke nna pelokgale, ka Morena, Modimo wa me, o ne o nkeme nokeng, ka ba ka phutha ditlhogo tsa Baiseraele gore di ye le nna kwa Jerusalema.” Fano go bolelwa ditlhogo tsa dikgoro tsa bone ba ba ileng le nna, ba tloga kwa Babele pusong ya ga Arethašasetha kgosi le ditshika tsa bone: Oora Phinehase ke Geresone, oora Ithamare ke Daniele, oora Dafita ke Hatuse, morwa Seganya; oora Pharoše ke Sagaria, mme go kwadilwe nae banna ba le 150 mo lokwalong lwa losika. Oora Phahathe-Moabe ke Elihoenai morwa Seragia a na le banna la le 200. Oora Sathu ke Seganya, morwa Jahasiele, a na le banna ba le 300. Oora Adine ke Ebete, morwa Jonathane, a na le banna ba le 50. Oora Elame ke Jesaya, morwa Athalea, a na le banna ba le 70. Oora Sefatya ke Sebatya, morwa Migaele, a na le banna ba le 80. Oora Joabe ke Obatya, morwa Jehiele, a na le banna ba le 218. Oora Bani ke Selomithe, morwa Josifia, a na le banna ba le 160. Oora Bebai ke Sagaria, morwa Bebai, a na le banna ba le 28. Oora Asekate ke Johanane, morwa Hakatane, a na le banna ba le 110. Ba bofelo ba ga gabo Atonikame ba maina a bone e leng Elifelete le Jehiele le Semaya ba na le banna ba le 60. Boora Bigwai ke Uthai le Sabute ba na le banna ba le 70. Ka ba phuthela kwa nokeng e e elelang kwa Ahawa, ra thibelela teng malatsi a le mararo. Mme ya re ke ela morafe le baperesiti tlhoko, ka fitlhela go se na ope wa Balefi teng. Ka ba ka roma Eliesere le Ariele le Semaya le Elenathane le Jaribe le Elenathane le Nathane le Sagaria le Mesulame, ditlhogo; le Joyaribe le Elenathane, baruti. Ka ba laela go ya kwa go Ito, tlhogo felong ga Kasifia, ka tsenya mafoko mo melomong ya bone gore ba a bue le Ito le ba ga gabo, batlhanka ba Tempele felong ga Kasifia gore ba re tlisetse badiredi ba Ntlo ya Modimo wa rona. Mme ka letsogo le le molemo la Modimo wa rona le ne le re okame, ba re tlisetsa banna ba ba tlhalefileng boora Magedi morwa Lefi morwa Iseraele e bong Serebja le bomorwawe le bomorwa-rraagwe ba le 18 mmogo; le Hasabja o na le Jesaya boora Merari le bomorwa-borraabo le bomorwaa-bone ba le 20 mmogo; le ba le 220 ba batlhanka ba Tempele ba ba neng ba beilwe ke Dafita le dikgosana gore ba direle Balefi; bone botlhe ba ne ba boletswe ka maina. Ka ba ka tlhaba mokgosi wa go itima dijo fa nokeng ya Ahawa gore re ikokobetse fa pele ga Modimo wa rona le go kopa leeto le le tlhogonolo la rona le la ba malapa a rona le la di-tsa-rona tsotlhe. Gonne ke ne ke tlhajwa ke ditlhong go ka kopa mophato wa batlhabani le bapalami ba dipitse mo kgosing gore ba re thuse ka go tlhabana le mmaba mo tseleng, ka re ne re reile kgosi ra re: “Letsogo la Modimo wa rona le okametse botlhe ba ba o batlang go ba direla molemo, mme thata ya ona le bogale jwa ona di wela botlhe ba ba o tlogelang.” Ra itima dijo jalo, ra kopa tseo mo Modimong wa rona, mme wa re utlwa. Ka ba ka tlhaola banna ba le 12 mo ditlhogong tsa baperesiti, e bong Serebja le Hasabja ba ne le ba le some ba bomorwa-borraabo; ka ba lekanyetsa selefera le gouta le dilwana, e le tse di ntsheditsweng Ntlo ya Modimo wa rona, di ntshitswe ke kgosi le banna ba lekgotla la yona le dikgosana tsa yona le Baiseraele botlhe ba ba leng teng. Ka ba ka lekanyetsa mo diatleng tsa bone ditalente di le 650 tsa selefera le dilwana tsa selefera tsa ditalente di le 100 le ditalente di le 100 tsa gouta le dinwelo tsa gouta di le 20 tsa tlhwatlhwa ya diranta di le 2 000 le dilwana di le pedi tsa kgotlho tse di pila tsa bosetlha jwa gouta tse di tlhokegang jaaka gouta. Ka ba raya ka re: “Lona lo itshepetse Morena le dilwana di boitshepo le selefera le gouta ke tse di ntsheditsweng Morena, Modimo wa borraeno, ka boitumelelo. Di tlhokomeleng, lo di dise go ya go fitlhelela lo di lekanyetsa ba bagolo ba baperesiti le Balefi le dikgosana tsa dikgoro tsa Baiseraele kwa Jerusalema mo matlwaneng a polokelo a Ntlo ya Morena.” Ke fa baperesiti le Balefi ba amogela selefera le gouta le dilwana tse di lekantsweng go di isa kwa Jerusalema kwa Ntlong ya Modimo wa rona. Jaanong ra tloga kwa nokeng ya Ahawa ka letsatsi la 12 la kgwedi ya ntlha go ya kwa Jerusalema; mme letsogo la Modimo wa rona le ne le re okame, wa re namolela mo diatleng tsa mmaba le tsa molaledi mo tseleng. Ra ba ra fitlha kwa Jerusalema, ra nna teng malatsi a le mararo. Mme ka letsatsi la bone ra lekanyetsa selefera le gouta le dilwana kwa Ntlong ya Modimo wa rona, ra di neela Meremothe morwa Uria, a na le Eleasare morwa Phinehase, ba e leng baperesiti, ba na le Josabate morwa Jesua le Noatya morwa Binui, Balefi; e le ka fa palong le ka fa boketeng jwa sengwe le sengwe; ga kwalwa bokete bongwe le bongwe. Ka sebaka seo batshwarwi ba ba neng ba boile kwa botshwarong ba tlisetsa Modimo wa Iseraele ditlhabelo tsa phiso, e bong dipoo di le 12 ka ntlha ya Baiseraele botlhe le diphelehu di le 96 le dikwana di le 77 le diphoko tsa ditlhabelo tsa maleo di le 12 – tsotlhe e le ditlhabelo tsa phiso tsa Morena. Mme ditaelo tsele tsa lokwalo lwa kgosi ba di neela babusi ba bagolo ba kgosi le balaodi ba ba neng ba le ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe, mme bone ba thusa morafe le Ntlo ya Modimo. E rile tseo di sena go fediwa, dikgosana tsa tla go nna tsa re: “Morafe wa Iseraele le baperesiti le Balefi ga ba a ikgaoganya le merafe ya mafatshe le makgapha a yona a Bakanana le Bahethe le Baferesi le Bajebusi le Baamone le Bamoabe le Baegepeto le Baamori. Gonne ba tsere basadi mo go bomorwadia bone, e bile ba ba tseisa bomorwaa-bone; losika lo lo boitshepo lwa itlhakanya jalo le merafe ya mafatshe. Mme dikgosana le bagolo ba simolotse ka boikanyologo joo.” Ya re ke utlwa mafoko a, ka ikgagola diaparo le kobo, ka ikhumola moriri wa tlhogo le ditedu, ka nna ke reregile. Mme botlhe ba ba boifang mafoko a Modimo wa Iseraele ba phuthegela go nna ka ntlha ya boikanyologo jwa ba ba boileng kwa botshwarong, mme ka nna ke reregile go ya nakong ya tshupelo ya maitsiboa. Ya re ke sena go tlhola ke ikwatlhaya, ka nanoga ka nako ya tshupelo ya maitsiboa, ke ikgagotse diaparo le kobo, ka khubama ka mangole, ka tsholeletsa mabogo kwa Moreneng, Modimo wa me ka re: “Modimo wa me, ke tlhajwa ke ditlhong, ke tshaba go ka tsholeletsa sefatlhego kwa go wena, Modimo wa me; gonne melato ya rona e re ntsifaletse e fitlha kwa godimo ga ditlhogo; maleo a rona a magolo, a fitlha kwa legodimong. Go tloga malatsing a borraetsho go fitlha letsatsing leno re mo molatong o mogolo, mme ke ka ntlha ya ditshiamololo tsa rona, fa rona le dikgosi tsa rona le baperesiti ba rona re neetswe mo diatleng tsa dikgosi tsa mafatshe mo tšhakeng le mo botshwarong le mo thukhuthong le mo go kgobiweng mo pepeneneng jaaka go ntse kajeno. Ka nnete, ka sebakanyana seno re bonye boutlwelo-botlhoko mo Moreneng, Modimo wa rona, a re sadisetsa masalela a a phologileng, a re neela botshabelo mo Felong-fa-go-Boitshepo ga gagwe gore Modimo wa rona o sedifatse matlho a rona le go re naya tapolosonyana mo botlhankeng jwa rona. Mme le fa re le batlhanka, Modimo wa rona ga o a ka wa re tlogela mo botlhankeng jwa rona, mme wa sekamisetsa bopelotlhomogi jwa dikgosi tsa Peresia go rona, wa re naya tapoloso go ka aga Ntlo ya Modimo wa rona le go tsosa marope a yona, wa re naya legae mo Juta le mo Jerusalema. “Jaanong he, re ka reng, Modimo wa rona, morago ga tseo? Kana re tlogetse ditaelo tsa gago tse o di re laetseng ka baporofeti, batlhanka ba gago, wa re: ‘Lefatshe le lo tla tsenang mo go lone go le rua ke lefatshe la itshekologo ka itshekologo ya merafe ya mafatshe ka makgapha a yona a e a le tladitseng gotlhe ka itshekologo ya yona.’ Wa re: ‘Ka moo lo se ka lwa neela bomorwaa-bone bomorwadia-lona; le gona lo se ka lwa tseisa bomorwaa-lona bomorwadia-bone, le e seng go batla kagiso ya bone le molemo wa bone ka bosakhutleng gore lo tle lo tie lo je molemo wa lefatshe, lo le ruise bomorwaa-lona ka bosakhutleng.’ Wena Modimo wa rona o fokoditse dipetso tse di tshwanetseng molato wa rona, wa re naya masalela a a phologileng a a kana. Jaanong morago ga tsotlhe tse di re dirafaletseng ka ntlha ya ditiro tse di bosula tsa rona le molato o mogolo wa rona, a re ka boela ra tlola ditaolo tsa gago, ra nyalana le merafe ya makgapha ao? A ga o kitla o re galefela go ya re be re fegele ruri go se na masalela le fa e le phologo? Morena, Modimo wa Iseraele, o mo tshiamong, fa re le masalela a a phologileng a se kae fela jaaka go ntse kajeno. Bona, re fa pele ga gago re le mo molatong wa rona. Ruri, ga go na ope yo o ka emang fa pele ga gago ka ntlha ya tse di ntseng jalo.” Jaanong ya re Esera a ntse a rapela jalo, a ipobola, a lela a namaletse fa pele ga Ntlo ya Modimo, phuthego e kgolo thata ya Baiseraele ya phuthegela kwa go ene ya banna le basadi le bana; gonne batho ba ne ba lela ka selelo se segolo. Mme Seganya morwa Jehiele oora Elame a simolola go bua, a raya Esera a re: “Re leofetse Modimo wa rona ka boikanyologo, ra nyala basadi ba sele ba merafe ya lefatshe. Mme tsholofelo e sa le teng ya gore Baiseraele ba ka tswa mo molatong oo. Ka moo he, a re direng kgolagano le Modimo wa rona, re ipofe go busetsa basadi botlhe bao kwa ga bone le bana ba bone ka fa kgakololong ya mong wa me le ya ba ba boifang taolo ya Modimo wa rona. A go dirwe ka fa molaong. Nanoga, gonne ke tiro ya gago, mme rona re tla nna nao. Tia o e dirafatse!” Ke fa Esera a nanoga a ikanisa bagolo ba baperesiti le Balefi le Baiseraele botlhe gore ba tla dira ka fa lefokong leo. Ba ikana jalo. Esera a ba a tloga fa pele ga Ntlo ya Modimo, a ya kwa ntlwaneng ya ga Johanane, morwa Eliasibe; a lala teng, a sa je dijo, le metsi a sa a nwe, ka a ne a hutsafaletse boikanyologo jwa ba ba boileng kwa botshwarong. Jaanong ba tlhabela botlhe ba ba boileng kwa botshwarong mokgosi mo Juta le Jerusalema gore ba kgobokane kwa Jerusalema. Ba be ba re: “Mongwe le mongwe yo o sa tleng malatsi a mararo a ise a fete ka fa go bofilweng ke dikgosana le bagolo ka teng, di-tsa-gagwe tsotlhe di tla senngwa di rogilwe ke Modimo, mme ene a kgaolwe mo phuthegong ya baboa-botshwarong.” Ke fa banna botlhe ba Juta le Benyamene ba kgobokana kwa Jerusalema ka malatsi a mararo ao, e le ka kgwedi ya robongwe e le 20. Mme batho botlhe ba nna mo patlelong ya Ntlo ya Modimo, ba tetesela ka ntlha ya kgang eo le ka ntlha ya dipula. Jaanong Esera moperesiti a ema a ba raya a re: “Lo dirile ka boikanyologo, lwa nyala basadi ba sele, lwa godisa molato wa Iseraele ka go dira jalo. Ka moo he, ipoboleleng Morena, Modimo wa borraeno, molato wa lona, lo dire ka fa natefelong ya ona, lo ikgaoganye le merafe ya lefatshe le basadi ba sele.” Ke fa phuthego yotlhe e araba e tlhatlositse mantswe e re: “Ke tshwanelo gore re dire ka fa lefokong la gago. Fela batho ba bantsi, le sebaka ke sa dipula, go a pala go ka ema ka kwa ntle. E bile ga se tiro ya letsatsi le le lengwe le e seng ya malatsi a mabedi; gonne re dirile melato e mentsi e e ntseng jalo. Tsweetswee a dikgosana tsa rona di emele phuthego yotlhe, mme a botlhe mo metseng ya rona ba ba nyetseng basadi ba sele ba tle ka dinako tse di beilweng, ba na le bagolo ba motse wa ga bone le baatlhodi ba ona go tsamaya bogale jwa Modimo wa rona jo bo re tukelang ka ntlha ya molato oo bo be bo re timele.” E ne e le Jonathane morwa Asahele le Jasia morwa Thikwa fela ba ba ganneng mafoko ao; mme Mesulame le Sabethai Molefi ba goga nabo. Mme baboa-botshwarong ba dira jaaka go kopilwe. Ga tlhaolwa Esera moperesiti le banna ba e leng ditlhogo tsa dikgoro tsa bone, botlhe ba bidiwa ka maina a bone, mme bao ba nnela kgang eo go simolola ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya some go e bua. Mme ba fetsa dikgang tsa banna botlhe ba ba nyetseng basadi ba sele ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha. Ga fitlhelwa bangwe ba bomorwa baperesiti ba ba nyetseng basadi ba sele: Mo go bomorwa Jesua, morwa Josatake, le mo go bomorwa-rraagwe e ne e le Maaseya le Eliesere le Jaribe le Ketalea. Mme ba ipofa ka go fana diatla le bagolo gore ba tla tlhala basadi bao ba bone le go ntshetsa molato wa bone phelehu ya letsomane go nna setlhabelo sa molato. Mo go boora Imere e ne e le Hanani le Sebatya. Mo go boora Harime e ne e le Maaseya le Elia le Semaya le Jehiele le Usia. Mo go boora Phašure e ne e le Eleyoenai le Maaseya le Isemaele le Nethanele le Josabate le Eleasa. Mo Balefing e ne e le Josabate le Simei le Kelaya (ke ene Keleta) le Phethaya le Juta le Eliesere. Mo baopeding e ne e le Eliasibe; mo badiseng ba dikgoro e ne e le Sadume le Teleme le Uri. Ba Baiseraele: Mo go boora Pharoše e ne e le Ramia le Isia le Malekhia le Miyamine le Eleasare le Malekhia le Benaya. Mo go boora Elame e ne e le Mathanya le Sagaria le Jehiele le Abedi le Jeremothe le Elia. Mo go boora Sathu e ne e le Eleyoenai le Eliasibe le Mathanya le Jeremothe le Sabate le Asisa. Mo go boora Bebai e ne e le Johanane le Hananya le Sabai le Athelai. Mo go boora Bani e ne e le Mesulame le Maloge le Ataya le Jašube le Seale le Jeremothe. Mo go boora Phahathe-Moabe e ne e le Atena le Kelale le Benaya le Maaseya le Mathanya le Besalele le Binui le Manase. Mo go boora Harime e ne e le Eliesere le Isia le Malekhia le Semaya le Simeone le Benyamene le Maloge le Semaria. Mo go boora Hasume e ne e le Mathenai le Mathatha le Sabate le Elifelete le Jeremai le Manase le Simei. Mo go boora Bani e ne e le Maatai le Amerame le Uele le Benaya le Bedia le Kelohi le Wanya le Meremothe le Eliasibe le Mathanya le Mathenai le Jaasia le Bani le Binui le Simei le Selemia le Nathane le Ataya le Magenatebai le Sasai le Sarai le Asarele le Selemia le Semaria le Sadume le Amaria le Josefa. Mo go boora Nebo e ne e le Jehiele le Mathitya le Sabate le Sebina le Jatai le Joele le Benaya. Botlhe bao ba ne ba tsere basadi ba sele, mme mo basading bao go ne go le bangwe ba ba setseng ba tshotse bana. Ditirafalo tsa ga Nehemia morwa Hagalea. E rile ka kgwedi ya Khiselefe ngwageng wa 20 ke le kwa Susane ntlong ya borena, ga tla Hanani mongwe wa bomorwaa-rre, a na le banna ba bangwe ba tswa kwa Juta; ka ba botsa matsogo a Bajuta ba ba phologileng ba ba sadisitsweng, ba sa isiwe mo botshwarong le ka ga Jerusalema. Ba nthaya ba re: “Ba ba sadisitsweng ba sa isiwe mo botshwarong ba mo tatlhegong e kgolo le mo nyatsegong gona kwa nageng ele. Lobota lwa Jerusalema lo digilwe le dikgoro tsa lone di fisitswe ka molelo.” Ya re ke sena go utlwa mafoko ao, ka nna fa fatshe ka lela, ka hutsafala malatsi; ka nna ka itima dijo, ka rapela fa pele ga Modimo wa legodimo ka re: “Ka thapelo Morena, Modimo wa legodimo, Modimo o mogolo o o boitshegang o o bolokelang ba ba o ratang kgolagano le bopelotlhomogi, ba tshegetsa ditaolo tsa ona, a matlho a gago e nne a a budulogileng, a ditsebe tsa gago e nne tse di reetsang go utlwa thapelo ya motlhanka wa gago e ke e rapelang fa pele ga gago kajeno bosigo le motshegare ka ntlha ya Baiseraele, batlhanka ba gago, ke ipobola maleo a Baiseraele a re go leofetseng ka ona; le nna le ba ga etsho re leofile. Re go leofetse ka tshokamo, ra se ka ra tshegetsa ditaolo tsa gago le melao ya gago le ditshiamelo tsa gago tse o di laetseng Moše motlhanka wa gago. A ko ò gakologelwe lefoko le o le laetseng Moše motlhanka wa gago wa re: ‘Fa lo ikanyologa, ke tla lo falaletsa kwa merafeng. Mme fa lo boela go nna, lo tshegetsa ditaolo tsa me, lo di dirisa, le fa balelekwa ba lona ba le kwa mafelelong a legodimo, ke tla ba phutha teng, ke ba isa kwa felong fa ke go tlhophileng go baya leina la me teng.’ “Kana bone ke batlhanka ba gago le morafe wa gago ba o ba golotseng ka thata e kgolo le ka letsogo le le tiileng la gago. Ka thapelo, Morena, a ditsebe tsa gago e nne tse di reetsang thapelo ya motlhanka wa gago le dithapelo tsa batlhanka ba gago ba ba ratang go boifa leina la gago. A ko o kgonise motlhanka wa gago gompieno, o mo nee bopelotlhomogi fa pele ga monna yo.” – Kana ke ne ke le mothokedi wa kgosi. E rile ka ngwaga wa 20 wa puso ya kgosi Arethašasetha ka kgwedi ya Nisane weine ya bo e le fa pele ga me, mme ka e tsaya, ka e neela kgosi ke hutsafetse fa pele ga yona. Ke fa kgosi e mpotsa e re: “Sefatlhego sa gago se tlhonyeditseng, ka o sa lwale? Ga se sepe fa e se botlhoko mo pelong.” Ka boifa thata thata. Ka raya kgosi ka re: “A kgosi e phele ka go sa feleng! A ga ke a tshwanela go hutsafala, ka motse o o nang le diphupu tsa borraetsho e le marope fela le dikgoro tsa ona di fisitswe ka molelo?” Kgosi ya mpotsa ya re: “Ke eng se o se batlang?” Ka rapela Modimo wa legodimo, ka ba ka araba kgosi ka re: “Fa go siametse kgosi, mme motlhanka wa gago a go kgatlha, nka re: Nthomele kwa Juta kwa motseng wa diphupu tsa borraetsho gore ke ye go o aga gape.” Kgosi ya mpotsa, mohumagadi a ntse a dutse fa thoko ga yona, ya re: “Leeto la gago le tla tsaya sebaka se se kana kang? O tla boa leng?” Ka e bolela sebaka sa leeto. Go ne go siametse kgosi, mme ya nthoma. Ka ba ka raya kgosi ka re: “Fa go siametse kgosi, a ke neelwe dikwalo tsa balaodi ba ba ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe gore ba nte ke fetele kwa Juta; le lokwalo lwa ga Asafe, modisa wa sekgwa se se jwetsweng sa kgosi gore a nneele dikota tsa go tlhomesa dikgoro tsa kago ya botshabelo e e leng ya Ntlo ya Modimo le tsa lobota lwa motse le tsa ntlo e ke tla nnang mo go yona.” Mme kgosi ya ntumelela tseo, ka seatla se se molemo sa Modimo se nkokame. Jaanong ya re ke fitlha kwa balaoding ba ba ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe, ka ba neela dikwalo tsa kgosi. Mme kgosi e ne e romile balaodi ba mephato le bapalami ba dipitse gore ba mpate. Mme Sanebalate wa kwa Horone le Tobia motlhanka wa Moamone, ya re ba utlwa gore go tlile motho yo o batlang tse di molemo tsa Baiseraele, ga ba sulafalela thata. Ka fitlha kwa Jerusalema; ya re ke sena go tlhola malatsi a le mararo teng, ka tsoga bosigo ke na le banna ba se kae; ka se ka ka bolelela motho ope se Modimo o se tsentseng mo pelong ya me go se direla Jerusalema; ka bo ke se na seruiwa sepe fa e se se ke se palameng. Ka tswa ka Kgoro ya Molapo bosigo, ka ya ntlheng ya Motswedi wa Kgogela le kwa Kgorong ya Letshotelo, ka sekaseka lobota lwa Jerusalema lo lo digilweng le dikgoro tsa lone tse di fisitsweng ka molelo. Ka fetela kwa Kgorong ya Motswedi le kwa Letsheng la Kgosi, mme go ne go se tsela ya seruiwa se ke se palameng go ka feta. Ka tlhatloga ka dinao ke iphaphathile le molapo bosigo, ka sekaseka lobota. Ka boa ka tsena gape ka Kgoro ya Molapo, ka boela gae. Mme bagogi ba ne ba sa itse kwa ke ileng teng le se ke se dirang; gonne go fitlha foo ke ne ke ise ke bolelele Bajuta maikaelelo a me le e seng baperesiti le batlotlegi le bagogi le ba bangwe ba ba tla dirang tiro. Jaanong ka ba raya ka re: “Lo bona tatlhego e re leng mo go yona, ka Jerusalema e le marope fela le dikgoro tsa teng di fisitswe ka molelo. Tlaang re ageng lobota lwa Jerusalema gore re se ka ra tlhola re kgobiwa.” Ka ba ka ba itsise seatla sa Modimo wa me ka fa se nkokameng ka teng se le molemo le tse kgosi e di buileng le nna. Ke fa ba re: “A re nanogeng, re ageng!” Mme ba tia mabogo go dira tiro e e molemo eo. Mme ya re Sanebalate wa kwa Horone le Tobia motlhanka wa Moamone le Geseme wa Moarabia ba utlwa jalo, ba re sotla, ba re nyatsa ba re: “Ke eng se lo se dirang? A lo a re, lo tsogela kgosi?” Ka ba araba ka re: “Modimo wa legodimo ke ona o o tla re tlhogonolofatsang, mme rona batlhanka ba ona re tla nanoga re aga. Mme lona ga lo na kabelo le e seng tshiamelo le e seng segopodiso mono Jerusalema.” Ga nanoga Eliasibe moperesiti yo mogolo le ba ga gabo baperesiti ba aga Kgoro ya Dinku, ba be ba e itshepisa, ba tsenya ditswalo tsa yona, ba agela pele go ya kwa lonakeng lwa phemelo lwa Hamea le lwa Phemelo lwa Hananele, ba di itshepisa. Banna ba Jerigo ba aga ba bapile nabo; Sakhure morwa Imeri a aga a bapile nabo. Boora Hasenaa ba aga Kgoro ya Ditlhapi, ba tlhoma dikota tsa yona, ba tsenya ditswalo tsa yona le dikgogetso tsa yona le mephakarego ya yona. Meremothe, morwa Uria morwa Hakose, a baakanya lobota a bapile nabo; Mesulame, morwa Beregia morwa Mešesabele, a lo baakanya a bapile nae; Satoke, morwa Baana, a lo baakanya a bapile nae. Ba kwa Thekoa ba lo baakanya ba bapile nae; mme batlotlegi ba bone ba se ka ba tsenya diatla mo tirong e ya mong wa bone. Kgoro e Kgologolo ya baakanngwa ke Joyata, morwa Phasea, le Mesulame, morwa Besodia; ba tlhoma dikota tsa yona, ba tsenya ditswalo tsa yona le dikgogetsa tsa yona le mephakarego ya yona. Melatya wa kwa Gibeone le Jatone wa kwa Meronothe le banna ba Gibeone le ba Mitsepha ba baakanya lobota ba bapile nabo fa lekgotleng la molaodi wa naga e e ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe. Usiele, morwa Harahaya, mongwe wa bathudi ba gouta, a lo baakanya a bapile nabo; Hananya, mongwe wa batlhakanyaditlôlô, a lo baakanya a bapile nae; mme ba baakanya lobota lwa Jerusalema go fitlha kwa loboteng lo lo atlhameng. Refaya, morwa Hure, molaodi wa bontlhanngwe jwa naga ya Jerusalema, a lo baakanya a bapile nabo. Jetaya, morwa Harumafe, a lo baakanya a bapile nae fa go lebaganyeng le ntlo ya gagwe; Hatuse, morwa Hasabenya, a lo baakanya a bapile nae. Karolo e nngwe ya baakanngwa ke Malekhia, morwa Harime, le Hašube, morwa Phahathe-Moabe, mmogo le Lonaka lwa Phemelo lwa Dibeso. Sadume, morwa Halohese molaodi wa bontlhanngwe jwa naga ya Jerusalema, a lo baakanya a bapile nabo ene le bomorwadie. Hanune le baagi ba Sanoa ba baakanya Kgoro ya Molapo, ba e aga, ba tsenya ditswalo tsa yona le dikgogetso tsa yona le mephakarego ya yona, ba agela pele mo loboteng mabogo a le 1 000 go fitlha kwa Kgorong ya Letshotelo. Mme Kgoro ya Letshotelo ya baakanngwa ke Malekhia, morwa Regabe molaodi wa naga ya Bethe-Hakereme; a e aga, a tsenya ditswalo tsa yona le dikgogetso tsa yona le mephakarego ya yona. Kgoro ya Motswedi ya baakanngwa ke Sadume, morwa Kolehose molaodi wa naga ya Mitsepha; a e aga, a e rulela, a tsenya ditswalo tsa yona le dikgogetso tsa yona le mephakarego ya yona; a ba a baakanya lobota lwa letsha la go isa metsi kwa tshimong ya kgosi le go fitlha kwa mapalamong a a fologang kwa motseng wa ga Dafita. A tlhomaganngwa ke Nehemia, morwa Asebuke molaodi wa bontlhanngwe jwa naga ya Betshure; ene a lo baakanya go ya go lebagana le diphupu tsa ga Dafita le go fitlha kwa letsheng le le dirilweng le go fitlha kwa Ntlong ya Bagale. A tlhomaganngwa ke Balefi, e bong Rehume, morwa Bani, a lo baakanya; fa go bapileng nae ga baakanngwa ke Hasabja, molaodi wa botlhanngwe jwa naga ya Kehila, a emela batho ba naga ya gagwe. A tlhomaganngwa ke ba ga bone, e bong Bawai, morwa Henatate molaodi wa bontlhanngwe jwa naga ya Kehila, a lo baakanya. Fa thoko ga gagwe go ne ga baakanya Esere, morwa Jesua molaodi wa Mitsepha, karolo e nngwe go lebagana le ntlo ya dibolai fa sekhutlong sa lobota. A tlhomaganngwa ke Baruge morwa Sabai; ene a baakanya karolo e nngwe ka tlhoafalo go tloga kwa Sekhutlong go fitlha kwa mojakong wa ntlo ya ga Eliasibe, moperesiti yo mogolo. A tlhomaganngwa ke Meremothe morwa Uria morwa Hakose; ene a baakanya karolo e nngwe go tloga mojakong wa ntlo ya ga Eliasibe go fitlha bokhutlong jwa ntlo ya ga Eliasibe. Go tlhomagana nae go ne ga baakanya baperesiti, banna ba lebala la Joretane. Go tlhomagana nabo go ne ga baakanya Benyamene le Hašube go lebagana le ntlo ya bone; go tlhomagana nabo go ne go baakanya Asaria, morwa Maaseya morwa Ananya, fa thoko ga ntlo ya gagwe. A tlhomaganngwa ke Binui, morwa Henatate; ene a baakanya karolo e nngwe go tloga kwa ntlong ya ga Asaria go fitlha kwa sekhutlong le kwa ntlheng. Go bapa nae go ne ga baakanya Phalale, morwa Usai, go lebagana le sekhutlo le lonaka lwa phemelo lo lo rotogileng mo ntlong ya kgosi e e kwa godimo fa lapeng la balebedi; go bapa nae go ne go baakanya Phetaya, morwa Pharoše – mme batlhanka ba Tempele ba ne ba agile mo thoteng ya Ofele – go ya go lebagana le Kgoro ya Metsi ntlheng ya botlhabatsatsi le lonaka lwa phemelo lo lo rotogileng. A tlhomaganngwa ke banna ba Thekoa, ba baakanya karolo e nngwe go tloga fa go lebaganyeng le lonaka lwa phemelo lo logolo lo lo rotogileng go ya go fitlha kwa loboteng lwa thota ya Ofele. Go pota Kgoro ya Dipitse ka fa godimo go ne ga baakanya baperesiti mongwe le mongwe go lebagana le ntlo ya gagwe. Ba tlhomaganngwa ke Satoke morwa Imere; a baakanya go lebagana le ntlo ya gagwe; go bapa nae go ne ga baakanya Semaya, morwa Seganya modisa wa Kgoro ya Botlhabatsatsi. Ene a tlhomaganngwa ke Hananya, morwa Selemia, le Hanune, morwa Salafe wa borataro; ba baakanya karolo e nngwe. Ba tlhomaganngwa ke Mesulame, morwa Beregia; ene a baakanya go lebagana le ntlwana ya gagwe. A tlhomaganngwa ke Malekhia, mongwe wa bathudi ba gouta: ene a baakanya go fitlha kwa ntlong ya batlhanka ba Tempele le barekisi go lebagana le Kgoro ya Balebedi le go fitlha kwa ntlwaneng e e kwa godimo ya sekhutlo. Mme fa gare ga ntlwana e e kwa godimo ya sekhutlo le Kgoro ya Dinku go ne ga baakanya bathudi ba gouta le barekisi. Mme e rile Sanebalate a utlwa gore rona re aga lobota, a tuka bogale, a ngala thata, a sotla Bajuta. A bua fa pele ga ba ga gabo le batlhabani ba Samaria a re: “Bajuta ba ba se nang thata ba dirang? A ba tla lesiwa fela? A ba tla tlhabela moletlo? A ba tla fetsa kajeno? A ba tla phedisa majwe a a fisitsweng, ba a ntsha mo mekoeng ya matlakala?” Mme Tobia wa Moamone a ne a bapile nae a re: “Le fa ba aga eng, fa phokojwe e se tlolela, e tla diga lobota lwa majwe lwa bone.” “Utlwa, Modimo wa rona, fa re le ba ba nyadiwang. Busetsa dikgobo tsa bone mo ditlhogong tsa bone. Ba neele thukhuthong mo lefatsheng la botshwaro. Se bipe tshiamololo ya bone! A boleo jwa bone bo se ka jwa phimolwa fa pele ga gago. Gonne ba go galefisitse fa pele ga baagi.” Mme ra aga lobota, lotlhe lwa kopanngwa mo tikologong, lwa godisiwa go fitlha fa gare. Mme batho ba natefelwa ke tiro. Jaanong ya re Sanebalate le Tobia le Baarabia le Baamone le ba Ašetote ba utlwa, fa paakanyo ya lobota lwa Jerusalema e tswelela pele le gore diphatlha di simolotse go thibala, ba tuka bogale thata, ba ikgolaganya botlhe mmogo gore ba tle go tlhasela Jerusalema le go tsosa moferefere teng. Mme ra rapela Modimo wa rona, ra baya balebedi ka ntlha ya bone bosigo le motshegare go iphemela fa pele ga bone. Bajuta bone ba re: “Thata ya barwadi e fedile, mme matlakala a mantsi; ga re kgone re le rosi go aga lobota.” Mme baba ba rona ba re: “A ba se ka ba lemoga sepe le e seng go re bona go ya re be re tsene mo gare ga bone, re ba bolae, re khutlise tiro jalo.” Jaanong ya re Bajuta ba ba agileng nabo ba tla, ba re begele ga lesome gore baba ba re bololela kwa mafelong otlhe kwa ba nnang teng, ka baya batlhabani mo mafelong a a kwa tlase mo teng ga lobota mo dipatlelong, ka ba baya ka fa ditshikeng ba tlhometse ditšhaka le marumo le mara. Ya re ke bona, ka nanoga, ka raya batlotlegi le bagogi le batho ba bangwe ka re: “Se ba boifeng, mme gopolang Morena yo mogolo yo o boitshegang, lo tlhabanele ba ga lona le bomorwaa-lona le bomorwadia-lona le basadi ba lona le matlo a lona.” Jaanong ya re baba ba rona ba utlwa gore re itse maano a bone le gore Modimo o a sentse, ra boela rotlhe kwa loboteng, mongwe le mongwe a ya kwa tirong ya gagwe. Go tloga ka letsatsi leo bontlhanngwe jwa batlhanka ba me ba nna ba tshwara tiro, mme bontlhanngwe jwa bone ba nna ba tshwara marumo le dithebe le mara le diaparo tsa tshipi tsa iphemelo, balaodi ba ntse ba le fa morago ga Bajuta botlhe ba ba neng ba aga lobota. Mme ba ba neng ba rwala merwalo ba rwala makete. Ba tshwere tiro ka seatla se sengwe le sebolai ka se sengwe. Baagi ba ne ba itlamile ditšhaka mathekeng botlhe, ba aga jalo, mme moletsa-lonaka ene a le fa go nna. Mme ka laela batlotlegi le bagogi le batho ba bangwe ka re: “Tiro e ntsi, e bile e katoganye, mme rona re kgaoganye fa loboteng, mongwe o kgakala le yo mongwe. Felong kwa lo utlwelang modumo wa lonaka teng lo phuthegele gona kwa go rona. Modimo wa rona o tla re tlhabanela.” Ra nna ra tshwara tiro, bontlhanngwe jwa bone ba ntse ba tshwere marumo go tloga tlhatlogong ya mahube go ya dinaledi di be di bonale maitsiboa. Le gona ka laela batho ka sebaka seo ka re: “Mongwe le mongwe a lale le motlhanka wa gagwe mono Jerusalema gore ba re disetse bosigo, ba nne tirong motshegare.” Mme nna ka nosi le ba ga etsho le batlhanka ba me le banna ba ba disang ba ba ntshetseng morago ra bo re sa apole diaparo tsa rona bosigo. Mongwe le mongwe a tshotse lerumo la gagwe le metsi. Ka letsatsi le lengwe ga utlwala selelo se segolo sa batho le basadi ba bone ka ga Bajuta ba ga bone. Ba bangwe ba ne ba re: “Bomorwaa-rona le bomorwadia-rona re ba bantsi, a re bone mabele, re je re phele.” Ba bangwe ba re: “Rona re ntshetsa masimo a rona le masimo a moweine a rona le matlo a rona peeletso gore re bone mabele mo tlaleng.” Ba bangwe ba re: “Re adimile madi a lekgetho la kgosi ka masimo a rona le masimo a moweine a rona. Mme kana re madi a le mangwe, rona le ba ga rona le bana ba rona ba tshwana le bana ba bone. Le fa go ntse jalo, re na le go neela bomorwaa-rona le bomorwadia-rona mo botlhankeng. Bangwe ba bomorwadia-rona ba setse ba neetswe mo go jona, re se na thata go thibela selo se. Kana masimo a rona le masimo a moweine a rona a tserwe ke bahumi.” Ya re ke utlwa selelo sa bone le mafoko ao, ka nna bogale thata. Ka ba ka ikakanya mo pelong, ka kgalemela batlotlegi le bagogi, ka ba raya ka re: “Madi a lo a adimileng ba ga lona lo a tsadisa go feta selekanyo!” Ka ba ka epa pitso e kgolo go ba sekisa. Ka ba raya ka re: “Rona re rekolotse ba ga rona, e bong Bajuta ba ba neng ba rekisitswe mo ditšhabeng ka fa re nonofileng ka teng, mme lona le rekisa ba ga lona gore ba be ba rekisiwe mo go rona.” Ke fa ba didimala, ba tlhoka puo. Ka ba ka re: “Tse lo di dirang ga di a siama. A ga lo a tshwanela go sepela ka go boifa Modimo wa rona gore baba ba rona ba baheitane ba se ka ba re kgoba? Le nna le ba ga etsho le batlhanka ba me re ba adimile madi le mabele. A re leseng go batla gape tse ba di adimileng, re phimoleng molato oo. A ko lo ba busetse gompieno masimo a bone le masimo a moweine a bone le ditlhare tsa olefa tsa bone le matlo a bone, lo ba phimolele molato wa madi le mabele le matute a moweine le lookwane tse ba di adimileng mo go lona.” Ke fa ba re: “Re tla di busa, re sa batle sepe mo go bone. Re tla dira ka fa o buang ka teng.” Ka ba ka bitsa baperesiti go nna basupi, ka ba ikanisa gore ba tla dira ka fa lefokong leo. Ka ba ka tlhotlhora kgwatlha ya me ka re: “A Modimo o tlhotlhore monna mongwe le mongwe jalo yo o sa dirafatseng lefoko leo gore a latlhegelwe ke ntlo ya gagwe le di-tsa-gagwe, a nne jalo a tlhotlhorilwe a le lolea fela.” Ke fa phuthego yotlhe e re: “Amen!” Ya ba ya baka Morena. Mme morafe wa dira ka fa lefokong leo. Le gona go tloga letsatsing le ke laetsweng ka lone go nna molaodi wa bone mo lefatsheng la Juta, go tloga ngwageng wa 20 go ya ngwageng wa 32 wa puso ya ga Arethašasetha kgosi, e bong dinyaga di le 12, nna le ba ga etsho ga re a ka ra ja dijo tsa bolaodi. Mme balaodi ba pele ba ba neng ba le gona pele ga me ba ne ba 610 imafaditse joko ya morafe, ba ba lefisa madi a dišekele di le 40 ka letsatsi a go ithekela dijo le weine. Le gona batlhanka ba bone ba ne ba gatelela morafe. Mme nna ga ke a ka ka dira jalo ka ntlha ya go boifa Modimo. Le gona ke ne ke tshwere tiro ya go baakanya lobota loo, mme ra se ka ra reka tshimo; le batlhanka ba me botlhe ba ne ba phuthegetse teng kwa tirong eo. E bile Bajuta, e bong bagogi, banna ba le 150 le ba ba re etelang ba tswa kwa ditšhabeng tse di mo tikologong ya rona ba ne ba ja mo tafoleng ya me. Mme tse di neng di baakanyediwa letsatsi le le lengwe, e bong pholo e le nngwe le dinku tse di tlhaotsweng di le thataro le dikgogo e ne e le tsa tshenyegelo ya me; gape ka letsatsi la some go ne go tlisiwa weine e ntsi ya mefutafuta. Mme le fa go ntse jalo ga ke a ka ka batla tuelo ya bolaodi; gonne tiro e ne e imela morafe oo. “Modimo wa me, nkgakologelwe ka molemo, o se lebale tsotlhe tse ke di diretseng morafe oo.” E rile Sanebalate le Tobia le Geseme wa Moarabia le baba ba bangwe ba rona ba utlwela, fa ke agile lobota, e bile go sa tlhole go le phatlha mo go lone, le fa go fitlha sebakeng seo ke ne ke ise ke tsenye ditswalo mo dikgorong, Sanebalate le Geseme ba roma motho go nna ba re: “Tlaa re kopaneng mo go mongwe wa metsana mo lobaleng lwa Ono.” Mme ba ne ba logile maano go ntirela bosula. Mme ka roma barongwi kwa go bone ka re: “Ke tshwere tiro e kgolo; ke ka moo ke palelwang ke go tla. Kana tiro e tla ema, fa nka e tlogela, ka tla koo go lona!” Ba boelela gane, ba roma motho kwa go nna ka mokgwa oo, ka nna ka ba fetola fela jalo. Sanebalate a ba a roma motlhanka wa gagwe la botlhano go nna ka mokgwa oo, a tla a tshotse lokwalo lo lo sa tswalwang. Go ne go kwadilwe mo go lone ga twe: “Go utlwetse mo ditšhabeng, mme Geseme o bua jalo gore wena le Bajuta lo ikaeletse go rukhutlha. Ke ka moo o agang lobota, mme wena o tla nna kgosi ya bone. Dipolelo tsa re jalo.” Go bile go twe: “O tlhomile baporofeti gore ba tlhabe mokgosi ka ga gago kwa Jerusalema o o reng: ‘Kgosi ya Juta ke yo!’ Jaanong he, dipolelo tse di ntseng jalo di tla utlwala kwa kgosing. Ka moo tlaya, re gakololane mmogo.” Ka ba ka roma motho kwa go ene ka re: “Ga go a dirafala sepe sa dilo tse di ntseng jalo tse o di bolelang, mme o di ikgopoletse fela di tswa mo pelong ya gago.” Kana bone botlhe ba ne ba rata go re boifisa ba re, mabogo a rona a tla repa, re tlogela tiro gore e se ka ya fediwa. “Mme jaanong Modimo, tiisa mabogo a me!” Letsatsi le lengwe ya re ke tsena mo ntlong ya ga Semaya, morwa Delaya morwa Mehetabele, ene a sa ntse a thibetswe, a nthaya a re: “A re utlwane re ye kwa Ntlong ya Modimo, re tsene mo Tempeleng, re tswale ditswalo tsa Tempele; gonne ba tla tla go go bolaya, ba tla go go bolaya bosigo.” Mme ka re: “A monna jaaka nna o ka tshaba? Ke mang yo o tshwanang le nna yo o ka tsenang mo Tempeleng, a phela? Ga ke tsene.” Ka re jalo, ka ke ne ke lemoga sentle gore ga se Modimo o o mo romileng, mme o ne a bua jaaka moporofeti ka ga me, ka Tobia le Sanebalate ba ne ba mo rapile ka tuelo. Se a se rapetsweng e le gore ke boife, ke dire jalo ke leofe; mme foo e tle e nne tumedi e e bosula mo go bone gore ba tle ba nkgobe. “Modimo wa me, gopola Tobia le Sanebalate ka fa ditirong tseo tsa bone; le gona o gopole Noatya moporofeti wa sesadi le baporofeti ba bangwe ba ba neng ba rata go mpoifisa.” Mme lobota lwa fediwa ka kgwedi ya Elole a le 25, re agile malatsi a le 52. E rile baba botlhe ba rona ba utlwa jalo, ba boifa le ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya rona tsa nyema moko thata, tsa lemoga gore tiro eo e dirilwe ka thuso ya Modimo wa rona. Le gona ka metlha eo batlotlegi ba Juta ba kwalelana dikwalo tse dintsi le Tobia. Gonne ba bantsi mo Juta ba ne ba mo ineetse ka maikano, ka ene e le mongwe wa ga Seganya, morwa Ara, le ka Johanane morwawe a nyetse morwadia Mesulame, morwa Beregia. Le gona ba bolela tse di molemo ka ga gagwe fa pele ga me, ba mo sebela mafoko a me. Tobia ene a nthomela dikwalo go mpoifisa. E rile lobota lo sena go agiwa, ka tsenya ditswalo tsa dikgoro; ga ba ga bewa badisa ba dikgoro le baopedi le Balefi. Ka ba ka laela Hanani, morwa-rre, le Hananya, molaodi wa kago ya phemelo, go nna baokamedi ba Jerusalema; gonne ene Hananya e ne e le monna yo o ikanyegang yo o boifang Modimo go feta ba bantsi. Ka ba raya ka re: “A dikgoro di se ka tsa bulwa letsatsi le ise le nne bolelo; gape a ditswalo di tswalwe le go tiisiwa ka mephakarego le ise le phirime. Le gona a go bewe balebedi ba e leng baagi ba Jerusalema; mongwe le mongwe a dise go lebagana le ntlo ya gagwe.” Mme motse o ne o atlhame ntlheng tsotlhe, o le mogolo, fela batho ba le bannye mo go ona go ise go agiwe matlo. Jaanong Modimo wa me o ne o tsenya mo pelong ya me gore ke phuthe batlotlegi le bagogi le morafe e le go ba kwala mo lokwalong lwa ditshika, mme ka bone lokwalo lwa ditshika lwa ba ba boileng pele, ka fitlhela go kwadilwe mo go lone go twe: Batho ba naga ya Juta ba ba boileng kwa botshwarong, e le ba Nebukatenesare kgosi ya Babele o kileng a ba isa mo botshwarong, mme jaanong ba boetse kwa Jerusalema le kwa Juta mongwe le mongwe kwa motseng wa ga gabo, ba tlile le Serubabele le Jesua le Nehemia le Asaria le Raamia le Nahamani le Moretogai le Bilesane le Misepherethe le Bigwai le Nehume le Baana, ke ba, le palo ya bone ke e: Boora Pharoše ba le 2 172; boora Sefatya ba le 372; boora Ara ba le 652; boora Phahathe-Moabe e bong boora Jesua le Joabe ba le 2 818; boora Elame ba le 1 254; boora Sathu ba le 845; boora Sakai ba le 760; boora Binui ba le 648; boora Bebai ba le 628; boora Asekate ba le 2 322; boora Atonikame ba le 667; boora Bigwai ba le 2 067; boora Adine ba le 655; boora Atere, e bong boora Hesekia ba le 98; boora Hasume ba le 328; boora Besai ba le 324; boora Harife ba le 112; boora Gibeone ba le 95. Banna ba Betleheme le ba Netofa ba le 188; banna ba Anathothe ba le 128; banna ba Bethasemawethe ba le 42; banna ba Khiriathe-Jearime le Kefira le Beerothe ba le 743; banna ba Rama le Geba ba le 621; banna ba Migemase ba le 122; banna ba Bethele le Ai ba le 123; banna ba Nebo yo mongwe ba le 52; boora Elame yo mongwe ba le 1 254; boora Harime ba le 320; ba Jerigo ba le 345; ba Lote le Hadite le Ono ba le 721; boora Senaa ba le 3 930. Baperesiti: Boora Jetaya ba kgoro ya ga Jesua ba le 973; boora Imere ba le 1 052; boora Phašure ba le 1 247; boora Harime ba le 1 017. Balefi: Boora Jesua, e bong boora Katemiele le boora Hotabja ba le 74. Baopedi: Boora Asafe ba le 148. Badisa ba dikgoro: Boora Sadume le Atere le Talemone le Akhube le Hatita le Sobai, mmogo ba le 138. Batlhanka ba Tempele: Boora Siha le Hasufa le Tabaothe; le boora Kerose le Sia le Fatone; le boora Lebana le Hagaba le Salemai; le boora Hanane le Gitele le Kahare; le boora Reaya le Resine le Nekota; le boora Gasame le Usa le Phasea; le boora Besai le Bameuni le Banefisi; le boora Bakabuke le Hakhufa le Harehure; le boora Baselithe le Mehita le Haresa; le boora Barekose le Sisera le Thema; le boora Nesia le Hatifa. Ba ditshika tsa batlhanka ba ga Salomo: Boora Sotai le Soferethe le Ferita; le boora Jaala le Darekone le Gitele; le boora Sefatya le Hatile le Phogerethe-Hasebaime le Amone. Batlhanka botlhe ba Tempele mmogo le boora batlhanka ba ga Salomo ba ne ba le 392. Ba ba tswang go boa kwa Thelemela le Theleharesa le Kerube le Atone le Imere, mme ba se ka ba kgona go supa kgoro ya bone le Boiseraele jwa bone, ke ba: Boora Delaya le Tobia le Nekota ba le 642 mmogo. Le boora baperesiti, e bong boora Habaya le Hakose le Baresilai yo o neng a nyetse mongwe wa bomorwadia Baresilai wa kwa Gileate, mme a bidiwa ka leina la bone. Bao ba batla matsalo a bone mo lokwalong lwa maina a ditshika, mme a se ka a bonala; ka moo ba kaiwa ba ba itshekologileng, mme ba ntshiwa boperesiting. Mme mookamedi wa naga a ba laela gore ba se ka ba ja tse di boitshepotshepo go tsamaya go be go tsoge moperesiti yo o nang le “Lesedi le Tshiamo”. Phuthego yotlhe mmogo e ne e le batho ba le 42 360, go sa balwe batlhanka ba bone le malata a bone; bone ba ne ba le 7 337. Gape go ne go na le baopedi ba banna le ba basadi ba le 245. Dipitse tsa bone di ne di le 736, meboulwe ya bone e le 245; dikammele tsa bone di ne di le 435; diesele tsa bone di le 6 720. Bangwe ba ditlhogo tsa dikgoro ba ntshetsa tiro dineo. Mookamedi a ntshetsa letlole la kago madi a gouta a diranta di le 2 000 le megopo e e kgatshang e le 50 le dikobo tsa baperesiti di le 530. Bangwe ba ditlhogo tsa dikgoro ba ntshetsa polokelo ya tiro madi a gouta a diranta di le 40 000 le dimane di le 2 200 tsa selefera. Se batho ba bangwe ba se ntshitseng e ne e le madi a gouta a diranta di le 40 000, le dimane di le 2 000 tsa selefera le dikobo tsa baperesiti di le 67. Mme baperesiti le Balefi le badisa ba dikgoro le baopedi le bangwe ba morafe le batlhanka ba Tempele le Baiseraele botlhe ba ya go nna mo metseng ya bone. Jaanong ya re kgwedi ya bosupa e tla, Baiseraele ba ntse ba le mo metseng ya bone, morafe otlhe wa phuthega ka seopo sengwe kwa patlelong e e fa pele ga Kgoro ya Metsi. Ba feta ba raya Esera moitsedikwalo gore a tlise lokwalo lwa molao wa ga Moše o Morena o o laetseng Baiseraele. Mme Esera moperesiti a tlisa molao fa pele ga phuthego, fa pele ga banna le basadi le botlhe ba ba ka tlhaloganyang go utlwa, e le ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa. A ba a buisa mo go ona gona kwa patlelong e e fa pele ga Kgoro ya Metsi go simolola ka masa go ya motshegareng, fa pele ga banna le basadi le ba ba tlhaloganyang. Mme ditsebe tsa morafe otlhe di ne di sekegetswe lokwalo lwa molao. Esera moitsedikwalo o ne a eme mo sefateng se ba neng ba se diretse puiso eo; fa go ene ntlheng ya le le jang go ne go eme Mathitya le Sema le Anaya le Uria le Hilekia le Maaseya; ntlheng ya la molema go eme Phetaya le Mišaele le Malekhia le Hasume le Hasebatana le Sagaria le Mesulame. Esera a phutholola lokwalo fa pele ga morafe otlhe, gonne o ne a okame morafe otlhe. Mme ya re a lo phutholola, batho botlhe ba ema. Esera a tumisa Morena, Modimo o mogolo, mme morafe otlhe wa araba wa re: “Amen! Amen!” ba tsholeditse mabogo; ba be ba inamela fa fatshe ka difatlhego, ba obamela Morena. Mme Jesua le Bani le Serebja le Jamine le Akhube le Sabethai le Hodiya le Maaseya le Keleta le Asaria le Josabate le Hanane le Phelaya, Balefi, ba tlhalosetsa morafe molao, morafe o ntse o eme mo felong ga ona. Ba buisa lokwalo lwa molao wa Modimo ka thanolo, ba o tlhalosa gore batho ba tlhaloganye se se buisiwang. Mme Nehemia mookamedi le Esera moperesiti moitsedikwalo le Balefi ba ba neng ba ruta morafe ba raya morafe otlhe ba re: “Letsatsi le, le itshepetse Morena, Modimo wa lona, se hutsafaleng, se leleng!” Ba re jalo, gonne batho botlhe ba ne ba lela, fa ba utlwa mafoko a molao. A ba a ba raya a re: “Yaang lo je tse di mafura, lo nwe tse di botshe, lo romele ba ba sa tsholang sepe dikabelo; gonne letsatsi le le itshepetse Morena wa rona. Lo se ka lwa hutsafala. Gonne go itumela mo Moreneng ke thata ya lona.” Balefi ba didimatsa morafe otlhe ba re: “Didimalang! Gonne letsatsi le, le boitshepo. Se hutsafaleng!” Ke fa batho botlhe ba ya go ja le go nwa le go romela ba bangwe dikabelo le go dira moletlo o mogolo; gonne ba ne ba tlhalogantse mafoko a ba a boleletsweng. Mme ka letsatsi la bobedi ga phuthega ditlhogo tsa dikgoro tsa morafe otlhe le baperesiti le Balefi, ba tla kwa go Esera moitsedikwalo go ithuta mafoko a molao. Ba fitlhela mo molaong o Morena a o beileng ka Moše go kwadilwe go twe: “A ka moletlo kgweding ya bosupa Baiseraele ba nne mo metlaaganeng. Gape a ba utlwatse, ba tlhabe mokgosi mo metseng yotlhe ya bone le mo Jerusalema ba re: ‘Tswelang kwa dithabeng lo tlise dikala tsa matlhware le tsa olefa le tsa metlhakolane le tsa mekolane le tsa ditlhare tse di raraanyeng go dira metlaagana ka dikala jaaka go kwadilwe.’ ” Ke fa batho ba tswa ba di tlisa, ba itirela metlaagana, ba bangwe mo godimo ga matlo a bone, ba bangwe mo malapeng a bone gongwe mo malapeng a Ntlo ya Modimo gongwe mo patlelong ya Kgoro ya Metsi gongwe mo patlelong ya Kgoro ya Eferaime. Mme phuthego yotlhe ya ba ba boileng kwa botshwarong ba dira metlaagana, ba nna mo go yona; gonne Baiseraele ba ne ba ise ba ke ba dire jalo go tloga malatsing a ga Jošua, morwa Nune, go fitlha letsatsing leno. Ya nna boitumelo jo bogolo thata. Esera a buisa lokwalo lwa molao wa Modimo ka letsatsi lengwe le lengwe go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha letsatsing la bofelo. Ba dira moletlo malatsi a supa, mme ka letsatsi la robedi ga nna kgobokano ya go khutlisa moletlo ka fa molaong. Ka kgwedi eo e le 24 Baiseraele ba phuthega, ba itima dijo ba apere dikgetse tsa boikwatlhao ba itshetse mmu mo ditlhogong. Mme ba e leng Baiseraele tota ba itomologanya le botlhe ba ditšhaba di sele, ba ema ba ipobola maleo a bone le ditshiamololo tsa borraabo. Ba nanoga fa ba ntseng teng, ba buisa lokwalo lwa molao wa Morena, Modimo wa bone, karolo ya bone ya letsatsi; mme karolo ya bone e nngwe ba ipobola dibe, ba obamela Morena, Modimo wa bone. Mme mo sefateng sa Balefi ga nanoga Jesua le Bani le Katemiele le Sebanya le Buni le Serebja le Bani le Kenani, ba goela Moreneng, Modimo wa bone, ka mantswe a a tlhatlositsweng. Balefi Jesua le Katemiele le Bani le Hasabenya le Serebja le Hodiya le Sebanya le Phethaya ba be ba re: “Nanogang lo bake Morena, Modimo wa lona, o o se nang tshimologo, o o sa khutleng! A ba bake leina le le galalelang la gago le le tlotlometseng godimo ga pako yotlhe le tumiso yotlhe.” Esera a rapela a re: “Ke wena Morena o le wesi; ke wena o dirileng legodimo, legodimo la magodimo le lesomo lotlhe la lone le lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone le mawatle le tsotlhe tse di mo go ona; ke wena o di phedisang tsotlhe, mme lesomo la legodimo le a go obamela. Wena Morena, o Modimo o o kileng wa tlhopha Aborame, wa mo hudusa kwa Ure wa Bakalatea, wa mo taya leina la Aborahame; wa fitlhela pelo ya gagwe e ikanyega fa pele ga gago, wa dira kgolagano nae go mo naya lefatshe la Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bajebusi le Bagiregasi go le naya ba losika la gagwe. Mme o dirafaditse mafoko a gago; gonne o mosiami. “O ne wa bona pogisego ya borraetsho kwa Egepeto, wa utlwa selelo sa bone fa Lewatleng la Motlhaka. Wa dira ditshupo le dikgakgamatso mo go Farao le mo batlhankeng botlhe ba gagwe le mo morafeng otlhe wa lefatshe la gagwe; gonne o ne o itse fa ba ba bogisa ka boikgogomoso; wa itirela leina le le tumileng jaaka le ntse kajeno. Le lewatle wa le fatola fa pele ga bone, mme ba tshela fa gare ga lewatle fa go omileng; bakhutšhedi ba bone wa ba digela mo botennye jwa lewatle jaaka lentswe mo metsing a magolo. Wa ba goga ka pinagare ya leru motshegare le ka pinagare ya molelo bosigo, go ba sedimosetsa tsela e ba tsamayang ka yona. Wa fologela mo thabeng ya Sinai, wa bua nabo o le kwa legodimong, wa ba naya ditshiamelo tse di tlhamaletseng le melao ya boammaaruri le ditao le ditaolo tse di molemo. Wa ba itsise Sabata yo o boitshepo wa gago, wa ba beela ditaolo le mekgwa le molao ka Moše, motlhanka wa gago. “Wa ba naya dijo tse di tswang kwa legodimong go ba tlosa tlala, wa ba ntshetsa metsi mo lefikeng go ba tima lenyora, wa ba laela gore ba tsene ba rue lefatshe le o neng wa ikana go le ba naya. Mme bone borraetsho ba ikgogomosa, ba gagamatsa dithamo, ba se ka ba utlwa ditaolo tsa gago; ba gana go utlwa, ba se ka ba gopola dikgakgamatso tsa gago tse o di ba diretseng, mme ba gagamatsa dithamo, ba ipatlela moeteledipele go boela kwa Egepeto kwa botlhankeng jwa bone ka borukhutlhi jwa bone, mme wena o Modimo wa maitshwarelo, o bopelotlhomogi o boutlwelo-botlhoko, o pelotelele, o mogolo loratong, wa se ka wa ba tlogela, le fa ba itirela namane e e bopilweng ba re: ‘Ke yona modimo wa gago, Iseraele, o o go ntshitseng kwa Egepeto!’ ba be ba dira tsa dikgalo tse dikgolo. Mme wena, ka o le mautlwelo-botlhoko a magolo, wa se ka wa ba tlogela kwa sekakeng; pinagare ya leru ya go ba goga mo tseleng e sa tloge mo go bone motshegare le e seng ya molelo bosigo ya go ba sedimosetsa tsela e ba tsamayang mo go yona. Wa ba naya Mowa o o molemo wa gago go ba ruta, wa se ka wa tima melomo ya bone Mmana wa gago, wa ba naya metsi go tima lenyora la bone. Wa ba babalela kwa sekakeng dinyaga di le 40, mme ba se ka ba tlhoka sepe; diaparo tsa bone tsa se ka tsa onala, le dinao tsa bone tsa se ka tsa ruruga. “Wa ba naya dipuso le merafe, wa di ba abela ka tatelano; ba rua lefatshe la ga Sihone kgosi ya Hešebone le lefatshe la ga Oge kgosi ya Basane. Wa ba atisetsa bana jaaka dinaledi tsa legodimo, wa ba fitlhisa kwa lefatsheng le o neng o le solofeditse borraabo wa re, ba tla tsena ba le rua. Mme bana ba tsena, ba thopa lefatshe, mme wa dira gore baagi ba lefatshe, e bong Bakanana ba fenngwe ke bone, wa ba neela mo diatleng tsa bone le dikgosi tsa bone le merafe ya lefatshe gore ba dire ka bone ka fa ba ratang ka teng. Ba thopa metse e e femetsweng le mmu o o bogale, ba tsaya matlo a a tletseng dilo tse di tlhokegang tsa mefutafuta le didiba tse di gabilweng le masimo a moweine le ditlhare tsa olefa le ditlhare tse di jewang ka bontsi; ba ja ba kgora ba nona, ba phela monate ka molemo o mogolo wa gago. “Mme ba go ganetsa, ba go tlogela, ba latlha molao wa gago, ba o hularela, ba bolaya baporofeti ba gago ba ba neng ba ba tlhagisa go ba tlhabololela kwa go wena; ba dira tsa dikgalo tse dikgolo. Ke ka moo o neng wa ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mme ba ba pitlaganya; mme e ne ya re ka sebaka sa tlalelo ya bone, fa ba lelela kwa go wena, o ba utlwe o le kwa legodimong, mme ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa gago o ba neele bagolodi; ba ba golole mo diatleng tsa baba ba bone. Mme e ne ya re ba ikhutsa, ba boele go dira tse di bosula gape fa pele ga gago, mme o ba tlogele ba le mo diatleng tsa baba ba bone, mme ba ba gatelele; jaanong ba ne ba tle ba lelele kwa go wena gape, mme o ba utlwe o le kwa legodimong, o ba namolele gangwe le gape ka fa boutlwelong-botlhoko jwa gago. O ne o ba kgothatsa go ba busetsa kwa molaong wa gago, mme ba ikgogomosa ba se ka ba utlwa ditaolo tsa gago, mme ba leofela ditshiamelo tsa gago tse motho a ka phelang ka tsona, fa a di dira; ba go hularela ka borukhutlhi, ba gagamatsa dithamo, ba se ka ba utlwa. Mme o ne o sa ba felele pelo dinyaga di le dintsi, wa nna wa ba tlhagisa ka Mowa wa gago ka baporofeti ba gago, mme ba se ke ba sekega tsebe. Ke ka moo o neng wa ba neela mo diatleng tsa merafe ya mafatshe. Mme e re ka o le mautlwelo-botlhoko a magolo, wa se ka wa ba feleletsa ruri le e seng go ba tlogela; gonne o Modimo o o bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko. “Mme jaanong Modimo wa rona, wena Modimo o mogolo, Mong wa thata, yo o boitshegang, yo o bolokang kgolagano le bopelotlhomogi, a pogisego yotlhe e se nne potlana fa pele ga gago, e e re dirafaletseng le dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona le baperesiti ba rona le baporofeti ba rona le borraetsho le morafe otlhe wa gago go tloga malatsing a dikgosi tsa Asiria go fitlha letsatsing la kajeno. Mme wena o siame mo go tsotlhe tse di re wetseng; gonne o dirile tsa boammaaruri, mme rona re dirile tsa boikepo. Le dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona le baperesiti ba rona le borraetsho ga ba ka ba dirafatsa molao wa gago le e seng go tlhokomela ditaolo tsa gago le dikgothatso tsa gago tse o ba kgothaditseng ka tsona. Le fa ba ne ba le mo bogosing jwa bone, le fa tshegofatso ya gago e le kgolo e o e ba neileng, le fa lefatshe le ne le atlhame, le nonne le o ba neileng, ga ba a ka ba go direla le e seng go tlhabologa le go tlogela ditiro tsa bone tse di bosula. Ke ka moo re leng batlhanka kajeno, e bile e le mo lefatsheng le o le neileng borraetsho gore ba je maungo a lone le tse di molemo tsa lone, bona, re batlhanka mo go lone. Thobo ya lone e humisa dikgosi tse o di dirileng baokamedi ba rona ka ntlha ya maleo a rona; di busa mebele ya rona le diruiwa tsa rona ka fa di ratang ka teng. Re mo tlalelong e kgolo.” Jaanong ka ntlha ya tsotlhe tseo re dira kgolagano e e tlhomameng, re kwala mafoko a yona, mme lokwalo lwa mafoko a a kannweng lwa kwalwa maipofo ke dikgosana tsa rona le Balefi ba rona le baperesiti ba rona. Mo dikwalong tsa mafoko a a kannweng go ne ga ikwala: Nehemia, mookamedi, morwa Hagalea, le Setekia le Seraya le Asaria le Jeremia le Phašure le Amaria le Malekhia le Hatuse le Sebanya le Maloge le Harime le Meremothe le Obatya le Daniele le Kinethone le Baruge le Mesulame le Abia le Miyamine le Maasia le Bilekai le Semaya; ke bone baperesiti. Balefi ke ba: Jesua, morwa Asaniya, le Binui wa bomorwa Henatate le Katemiele le ba ga bone, e bong Sebanya le Hodiya le Keleta le Phelaya le Hanane le Miga le Rehobe le Hasabja le Sakhure le Serebja le Sebanya le Hodiya le Bani le Beninu. Ditlhogo tsa morafe ke tse: Pharoše le Phahathe-Moabe le Elame le Sathu le Bani le Buni le Asekate le Bebai le Atonia le Bigwai le Adine le Atere le Hesekia le Asure le Hodiya le Hasume le Besai le Harife le Anathothe le Nobai le Magephiase le Mesulame le Hesire le Mešesabele le Satoke le Jadua le Phelatya le Hanane le Anaya le Hosea le Hananya le Hašube le Halohese le Phileha le Sobeke le Rehume le Hasabena le Maaseya le Ahia le Hanane le Anane le Maloge le Harime le Baana. Le ba bangwe ba morafe le ba baperesiti le Balefi le badisa ba kgoro le baopedi le batlhanka ba Tempele le botlhe ba ba neng ba itomologantse le merafe ya mafatshe go ineela molaong wa Modimo le basadi ba bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone, botlhe ba ba nang le kitso le tlhaloganyo ba ikopanya le batlotlegi ba ga bone, ba ipofa ka khutso le ka maikano go sepela ka fa molaong wa Modimo, o o beilweng ka Moše, motlhanka wa Modimo, go tshegetsa le go dirafatsa ditaolo tsotlhe tsa Morena, Morena wa rona, mmogo le ditshiamelo tsa gagwe le melao ya gagwe. Ra ba ra re: “Ga re kitla re naya ba merafe ya lefatshe bomorwadia-rona le e seng go tseisa bomorwaa-rona bomorwadia-bone. “Le gona fa ba merafe ya lefatshe ba tlisa tsa go bapatsa le mabele a mefutafuta ka letsatsi la Sabata go di rekisa, ga re kitla re reka mo go bone ka Sabata gongwe ka letsatsi le lengwe le le boitshepo. Gape ka ngwaga wa bosupa re tla ikhutsisa masimo, re sa lefise molato ope.” Le gona ra ipeela molao wa go re: “Re tla ntshetsa tirelo ya Ntlo ya Modimo wa rona karolo ya boraro ya šekele ka ngwaga: “Re e ntshetsa dinkgwe tsa tshupo le tshupelo ya ka metlha le setlhabelo sa phiso sa ka metlha le ditlhabelo tsa boSabata le tsa dingwedi tse di rogilweng le tsa meletlo ya ngwaga le dilo tse di boitshepo le ditlhabelo tsa boleo tsa go batlela Baiseraele boitshwarelo le tiro yotlhe ya Ntlo ya Modimo wa rona. “Rona baperesiti le Balefi le morafe ra tlhama ditengwa ka ga go tlisa dikgong gore dikgoro tsa rona di fapaanele go di tlisa kwa Ntlong ya Modimo wa rona ka dipaka tse di beilweng ka ngwaga le ngwaga, e le go tukisa molelo mo aletareng ya Morena, Modimo wa rona, jaaka go kwadilwe mo molaong.” Gape ra re: “Re tla tlisa mabutswapele a masimo a rona le mabutswapele a ditlhare tsotlhe tse di ungwang, re a isa kwa Ntlong ya Morena ka ngwaga le ngwaga; le bomorwaa-rona ba ba tsetsweng pele le maitibolo a diruiwa tsa rona jaaka go kwadilwe mo molaong; mme maitibolo a dikgomo tsa rona le a difutshane tsa rona re tla a isa kwa Ntlong ya Modimo wa rona go nna a baperesiti ba ba direlang mo Ntlong ya Modimo wa rona. “Le gona re tla tlisetsa baperesiti makgetho a rona le bupe jwa mabutswapele a garase le mabutswapele a maungo a ditlhare tsa mefutafuta le a matute a moweine le a lookwane, re a isa kwa matlwaneng a Ntlo ya Modimo wa rona; re tla neela Balefi karolo ya lesome ya thobo ya masimo a rona, bone Balefi ba ba phuthang karolo ya lesome mo metseng yotlhe ya rona ya balemi. Mme a moperesiti oora Arone a tsamae le Balefi, fa ba phutha karolo ya lesome. Mme a Balefi ba ise karolo ya lesome ya dikarolo tsa lesome kwa Ntlong ya Modimo wa rona kwa matlwaneng a ntlo ya polokelo. Gonne Baiseraele le Balefi ba tshwanetse go isa lekgetho la mabele le la matute a moweine le la lookwane kwa matlwaneng ao; teng go na le didiri tse di boitshepo le baperesiti ba ba direlang le badisa ba dikgoro le baopedi. Ga re kitla re tlhokomologa Ntlo ya Modimo wa rona.” Bagolo ba morafe ba ne ba agile kwa Jerusalema, mme batho ba bangwe ba tlhama tengwa gore motho wa bosome a tle a age mo Jerusalema, motseng o o boitshepo, mme ba ba robongwe ba sale kwa metseng e mengwe. Mme morafe wa tshegofatsa banna botlhe ba ba neng ba ya ka bogabone go nna kwa Jerusalema. Ditlhogo tsa naga ke ba, ba ba neng ba agile kwa Jerusalema. Mme kwa metseng ya Juta mongwe le mongwe o ne a agile mo bosweng jwa gagwe, mo motseng wa ga gabo, e bong Baiseraele le baperesiti le Balefi le batlhanka ba Tempele le boora batlhanka ba ga Salomo. Mo Jerusalema go ne go agile bangwe ba Bajuta le Babenyamene. Bajuta e ne e le Athaya, morwa Usia morwa Sagaria morwa Amaria morwa Sefatya morwa Mahalalele, wa boora Pherese; le Maaseya, morwa Baruge morwa Kolehose morwa Hasaya morwa Ataya morwa Joyaribe morwa Sagaria, wa boora Sela. Boora Pherese botlhe ba ba neng ba agile kwa Jerusalema e ne e le banna ba batlhabani ba le 468. Babenyamene ke ba: Ke Salo, morwa Mesulame morwa Joete morwa Phetaya morwa Kolaya morwa Maaseya morwa Ithiele morwa Jesaya le ba ga gabo, banna ba batlhabani ba le 928. Mme Joele morwa Sigeri e ne e le mookamedi wa bone, mme Juta, morwa Hasenua, e ne e le seatla sa gagwe mo motseng. Boora baperesiti e ne e le Jetaya le Joyaribe le Jagine le Seraya, morwa Hilekia morwa Mesulame morwa Satoke morwa Merayothe morwa Ahitube, moperesiti yo mogolo wa Ntlo ya Modimo le ba ga bone ba ba dirang tsa Tirelo mo Ntlong ya Modimo ba le 822 mmogo; le Ataya morwa Jerohame morwa Phelalea morwa Amesi, morwa Sagaria morwa Phašure morwa Malekhia, le ba ga gabo ditlhogo tsa dikgoro, mmogo ba le 242; le Amašasai, morwa Asarele morwa Agasai morwa Mesilemothe morwa Imere, le ba ga gabo batlhabani ba ba dinatla ba le 128. Mme mookamedi wa bone e ne e le Sabediele, morwa Haketoleme. Boora Balefi e ne e le Semaya, morwa Hašube morwa Aserikame morwa Hasabja morwa Buni; le Sabethai le Josabate ba ditlhogo tsa Balefi ba ba neng ba okametse tiro ya ka fa ntle ya Ntlo ya Modimo; le Mathanya, morwa Miga morwa Sabedi morwa Asafe, tlhogo ya sefela sa pako yo o neng a se tlhaba mo thapelong, le Bakebukia moopedisi wa bobedi wa ba ga gabo le Abeta, morwa Samua morwa Galale morwa Jeduthune. Balefi botlhe mo motseng o o boitshepo ba ne ba le 284. Badisa ba dikgoro e ne e le Akhube le Talemone le ba ga bone ba ba disang kwa dikgorong ba le 172. Mme ba bangwe ba Baiseraele le ba baperesiti le ba Balefi ba ne ba le kwa metseng yotlhe ya Juta mongwe le mongwe mo bosweng jwa gagwe. Batlhanka ba Tempele ba ne ba agile mo thoteng ya Ofele; mme Siha le Gisepha e ne e le baokamedi ba bone. Mookamedi wa Balefi ba Jerusalema e ne e le Usi morwa Bani morwa Hasabja morwa Mathanya morwa Miga wa boora Asafe ba ba neng ba opela mo tirelong ya Ntlo ya Modimo. Kana go ne go le taelo ya kgosi ka ga baopedi le thulaganyo e e tlhomameng ka ga bone ka fa go batlegang kopelo letsatsi lengwe le lengwe ka teng. Mme Phethaya morwa Mešesabele wa boora Sera morwa Juta e ne e le seatla sa kgosi mo ditirong tsotlhe tsa morafe. Bajuta ba ba neng ba le kwa metsaneng kwa masimong a bone ba ne ba agile kwa Khiriathe-Areba le metsaneng ya teng le kwa Dibone le metsaneng ya teng le kwa Jekapsheele le metsaneng ya teng le kwa Jesua le kwa Molata le kwa Bethe-Phelete le kwa Hasare-Šuale le kwa Bereseba le metsaneng ya teng le kwa Sitlage le kwa Megona le metsaneng ya teng le kwa Ene-Rimone le kwa Sorea le kwa Jaremuthe le kwa Sanoa le kwa Adulame le metsaneng ya teng le kwa Lagiše le nageng ya teng le kwa Aseka le metsaneng ya teng. Bajuta ba ne ba nna go tloga kwa Bereseba go ya go fitlha kwa mogorogorong wa ga Hinome. Babenyamene ba ne ba agile go simolola kwa Geba le go ya pele kwa Migemase le Aya le Bethele le metsaneng ya teng le kwa Anathothe le Nobe le Ananya le kwa Hasore le Rama le Kithaime le kwa Hadite le Seboime le Nebalate le kwa Lote le Ono le mo Lobaleng lwa Ditswerere. Ditlhopha tse dingwe tsa Balefi tsa naga ya Juta di ne di hudugetse kwa nageng ya Benyamene. Baperesiti le Balefi ba ba boileng kwa Babele le Serubabele morwa Salathiele le Jesua ke Seraya le Jeremia le Esera le Amaria le Maloge le Hatuse le Seganya le Rehume le Meremothe le Ito le Kinethoi le Abia le Miyamine le Maatya le Bileka le Semaya le Joyaribe le Jetaya le Salo le Amoke le Hilekia le Jetaya. Bao e ne e le ditlhogo tsa baperesiti le ba ga bone mo metlheng ya ga Jesua. Balefi e ne e le Jesua le Binui le Katemiele le Serebja le Juta le Mathanya; ene le bomorwa-rraagwe e ne e le baopedisi ba difela tsa pako. Mme Bakebukia le Uni, ba ga bone, ba ne ba fapaana nabo mo tirelong ya kopelo. Jesua a tsala Joyakime, Joyakime a tsala Eliasibe, Eliasibe a tsala Joyata; Joyata a tsala Jonathane, Jonathane a tsala Jadua. Baperesiti mo metlheng ya ga Joyakime ba e ne e le ditlhogo tsa dikgoro ke ba; oora Seraya e le Meraya; oora Jeremia e le Hananya; oora Esera e le Mesulame; oora Amaria e le Johanane; oora Maloge e le Jonathane; oora Sebanya e le Josefa; oora Harime e le Atena; oora Merayothe e le Helekai; oora Ito e le Sagaria; oora Kinethone e le Mesulame; oora Abia e le Sigeri; oora Minyamine e le –; oora Moatya e le Philetai; oora Bileka e le Samua; oora Semaya e le Jonathane; oora Joyaribe e le Mathenai; oora Jetaya e le Usi; oora Salai e le Kalai; oora Amoke e le Ebere; oora Hilekia e le Hasabja; oora Jetaya e le Nethanele. Fa e le Balefi, mo metlheng ya ga Eliasibe le Joyata le Johanane le Jadua go ne ga kwalwa ditlhogo tsa dikgoro le baperesiti go ya go fitlha pusong ya ga Dario wa Moperesia. Fa e le Balefi, ditlhogo tsa dikgoro di kwadilwe mo lokwalong lwa Ditirafalo tsa malatsi go ya go fitlha malatsing a ga Johanane morwa Eliasibe. Ditlhogo tsa Balefi e ne e le Hasabja le Serebja, mme Jesua le Binui le Katemiele le ba ga bone ba ne ba lebaganye nabo go baka le go leboga ka taelo ya ga Dafita monna wa Modimo, setlhopha sengwe se fapaana le se sengwe. Mme Mathanya le Bakebukia le Obatya le Mesulame le Talemone le Akhube e ne e le badisa ba dikgoro ba ba disang kwa matlwaneng a polokelo a dikgoro. Ke bao ba ba neng ba le teng mo metlheng ya ga Joyakime morwa Jesua morwa Josatake, le mo metlheng ya ga Nehemia molaodi, le ya ga Esera moperesiti moitsedikwalo. Jaanong e rile go kgakolwa lobota lwa Jerusalema, ba bitsa Balefi kwa mafelong otlhe a bone gore ba tle kwa Jerusalema go dira kgakolo ka boitumelo le malebogo le ka go letsa matlhao-a-mabogo le diharepa le dikwadi. Ke fa go phuthega boora baopedi ba tswa kwa nageng tikologong ya Jerusalema le kwa metsaneng ya Netofa le kwa Bethe-Gilagale le kwa dinageng tsa Geba le tsa Asemawethe; gonne baopedi ba ne ba ikagetse metsana mo tikologong ya Jerusalema. Jaanong baperesiti le Balefi ba iitshekisa, ba be ba itshekisa morafe le dikgoro tsa lobota. Ke ne ke palamisitse bagolo ba Juta kwa godimo ga lobota, ka ba ka emisa masomo a magolo a mabedi a baopedi ba ba lebogang le ditsamao tse di bopeletseng; lesomo le lengwe le ne le ya ntlheng ya le le jang mo godimo ga lobota kwa Kgorong ya Letshotelo, la salwa morago ke Hosaya le bontlhanngwe jwa bagolo ba Juta le Asaria le Esera le Mesulame le Juta le Benyamene le Semaya le Jeremia le bangwe ba bomorwa baperesiti, ba tshotse diphala, le Sagaria, morwa Jonathane morwa Semaya morwa Mathanya morwa Migaya morwa Sakhure morwa Asafe le ba ga gabo Semaya le Asarele le Milalai le Kilalai le Maai le Nethanele le Juta le Hanani, ba tshotse diletso tsa ga Dafita monna wa Modimo, ba eteletswe pele ke Esera moitsedikwalo; ba feta ba tlhatlogela kwa Kgorong ya Motswedi, ba tlhamalala ba tlhatloga mapalamong a motse wa ga Dafita, fa lobota lo tlhatlogang teng go okama ntlo ya ga Dafita, le go ya kwa kgorong ya Metsi ntlheng ya botlhabatsatsi. Mme lesomo la bobedi la baopedi le ya ntlheng ya la molema la salwa morago ke nna le bontlhanngwe jwa bagolo ba morafe mo godimo ga lobota go feta Lonaka lwa Dibeso go ya kwa Loboteng lo lo Atlhameng; le feta mo godimo ga Kgoro ya Eferaime le mo godimo ga Kgoro e Kgologolo le mo godimo ga Kgoro ya Ditlhapi le kwa lonakeng lwa Hananele le kwa lonakeng lwa Hamea go ya go fitlha kwa Kgorong ya Dinku, la ba la ema kwa Kgorong ya Balebedi. Jaanong masomo a mabedi a baopedi a ya a ema kwa Ntlong ya Modimo, le nna ka ema teng ke na le bontlhanngwe jwa bagolo le baperesiti Eliakime le Maaseya le Minyamine le Migaya le Eleyoenai le Sagaria le Hananya, ba tshotse diphala; le Maaseya le Semaya le Eleasare le Usi le Johanane le Malekhia le Elame le Esere. Mme baopedi ba opela, ba opedisiwa ke Iseraya. Mme ba tlhaba ditlhabelo tse dikgolo tse di jewang ka letsatsi leo, ba itumela; gonne Modimo o ne o ba itumedisitse ka boitumelo jo bogolo; le basadi le bana ba itumela, mme boitumelo jwa Jerusalema jwa utlwala kgakala. Ka letsatsi leo ga bewa banna go okamela matlwana a polokelo a makgetho le a mabutswapele le a dikarolo tsa some gore ba phuthele dikabelo tseo tse e leng tsa baperesiti le Balefi ka fa molaong mo go ona, di rulagantswe ka fa masimong a metse; gonne Bajuta ba ne ba itumeletse baperesiti le Balefi ba ba direlang ba ba neng ba tlhokomela tsa Tirelo ya Modimo wa bone le tirelo ya phepafatso; le baopedi le badisa ba dikgoro ba dira jalo ka fa taelong ya ga Dafita le Salomo morwawe. Gonne e setse e le bogologolo mo metlheng ya ga Dafita le Asafe, fa go ne go le ditlhogo tsa baopedi le difela tsa pako le tsa go leboga Modimo. Mme mo metlheng ya ga Serubabele le mo metlheng ya ga Nehemia Baiseraele botlhe ba nna ba ntsha dikabelo tsa baopedi le tsa badisa ba dikgoro ka fa go batlegang ka teng ka letsatsi lengwe le lengwe; ba be ba ntshetsa Balefi dineo tse di tshwanetseng, le Balefi ba ntshetsa boora Arone dineo tse di tshwanetseng. E rile ka letsatsi leo fa go buisiwa lokwalo lwa go Moše mo ditsebeng tsa morafe, ga fitlhelwa go kwadilwe mo go lone go twe: “Baamone le Bamoabe ba se ka ba tsena mo phuthegong ya Modimo ka bosakhutleng, ka ba se ka ba kgatlhantsha Baiseraele ka bogobe le ka metsi, le ka Balake a ba rapela Bileame gore a ba hutse.” Mme Modimo wa rona wa fetola khutso go nna tshegofatso. Ya re ba sena go utlwa molao oo, ba tlhaola botlhe ba madi a a tlhakanyeng, ba tswa mo Baiseraeleng. E rile pele ga foo Eliasibe moperesiti yo o dirilweng mookamedi wa matlwana a Ntlo ya Modimo, molekane wa ga Tobia ka nyalo, a mo neela ntlwana e kgolo. Pele ga foo ba ne ba tle ba bee teng tsa ditshupelo le tsa maswalo le didiri le karolo ya some ya mabele le matute a moweine le lookwane tse di neng di laeletswe Balefi le baopedi le badisa ba dikgoro le tsa lekgetho la baperesiti. Mme ya re go dirafala tsotlhe tseo, ka bo ke se yo kwa Jerusalema; gonne ka ngwaga wa 32 wa ga Arethašasetha kgosi ya Babele ke ne ke boetse kwa kgosing. Mme ya re sebaka se sena go feta, ka ikopa mo kgosing, ka ba ka boela kwa Jerusalema. Mme ya re ke bona bosula jo Eliasibe o bo dirileng go kgatlha Tobia ka go mo neela ntlwana mo malapeng a Ntlo ya Modimo, ga nkgopisa thata, mo ke bileng ka latlhela dilo tsotlhe tsa lapa la ga Tobia kwa ntle, ka di ntsha mo ntlwaneng. Ka laela gore ba phepafatse matlwana, ka ba ka busetsa teng didiri tsa Ntlo ya Modimo le dilo tsa ditshupelo le tsa maswalo. Ka ba ka lemoga fa dikabelo tsa Balefi di sa ntshiwa le gore mongwe le mongwe o tshabetse kwa tshimong ya gagwe, e bong Balefi le baopedi ba ba tshwanetseng go dira tsa tirelo-Modimo. Ka omanya bagolo ka re: “Ke ka ntlha ya eng fa Ntlo ya Modimo e tlogetswe?” Ka ba ka ba phutha, ka ba tsenya mo ditirong tsa bone. Ke fa Bajuta botlhe ba tlisa karolo ya some ya mabele le ya matute a moweine le ya lookwane kwa matlwaneng a polokelo. Ka baya baokamedi ba matlwana a polokelo, e bong Selemia moperesiti le Satoke mokwaledi le Phetaya mongwe wa Balefi le mothusi wa bone Hanane, morwa Sakhure morwa Mathanya; gonne ba ne ba kaiwa ba ba ikanyegang. Tshwanelo ya bone e ne e le go abela ba ga bone. “Modimo wa me, o nkgopole ka ntlha ya tseo. O se ka wa phimola ditiro tsa lorato tse ke di diretseng Ntlo ya Modimo wa me le tirelo ya yona.” Mo metlheng eo ka bona mo nageng ya Juta ba ba gatang maungo a moweine mo digatelong ka Sabata le ba ba tlisang dingata tsa korong, ba di belesitse mo dieseleng; le gona ba tlisa weine le maungo a moweine le difeie le merwalo ya mefutafuta kwa Jerusalema ka letsatsi la Sabata. Ka ba tlhagisa ka lone letsatsi leo ba neng ba rekisa dijo ka lone. Le ba Tiro ba ne ba agile teng ba ba tlisang ditlhapi le dithoto tsa mefutafuta, ba di rekisa ka Sabata mo Bajuteng le kwa Jerusalema. Ka omanya batlotlegi ba Juta, ka ba raya ka re: “Ke tse dimpe jang tse lo di dirang ka go itshepolola letsatsi la Sabata! A ga se tsona tse di neng di dirwa ke borraeno, mme Modimo wa rona wa ba wa ba tlisetsa le rona le motse o tatlhego yotlhe e? A go lo bone gore lo oketsa bogale jwa Modimo mo Baiseraeleng ka go itshepolola Sabata?” Jaanong ya re fa dikgorong go simolola go fifala pele ga Sabata, ka laela gore ba tswale dikgoro; ka ba ka laela gore ba se ka ba di bula gape pele Sabata a ise a fete. Ka ba ka baya bangwe ba batlhanka ba me kwa dikgorong gore go se ka ga tsenngwa morwalo ope ka letsatsi la Sabata. Ke fa babapatsi le barekisi ba dilo tsa mefutafuta ba lala ka fa ntle ga Jerusalema gangwe le gabedi. Ka ba tlhagisa, ka ba raya ka re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo lala fa loboteng? Fa lo ka dira gape, ke tla lo tshwara ka mabogo.” Go tloga ka sebaka seo ba se ka ba tlhola ba tla ka Sabata. Ka ba ka laela Balefi gore ba iitshekise, ba be ba tle ba dise dikgoro gore letsatsi la Sabata le tle le itshepisiwe. “Le tseo o di nkgopole Modimo wa me, o nthekegele ka fa bogolong jwa lorato lwa gago.” Mo metlheng eo ke bile ka bona Bajuta ba ba nyetseng basadi ba kwa Ašetote le ba Baamone le ba Bamoabe. Bontlhanngwe jwa bana ba bone ba bua Seašetote, le fa e le puo efe, mme ba sa itse go bua Sejuta. Ka ba omanya, ka ba hutsa, ka betsa banna bangwe ba bone, ka ba kumola meriri, ka ba ikanisa ka Modimo ka re: “Ga lo a tshwanela go neela bomorwaa-bone bomorwadia-lona le e seng go tseisa bomorwaa-lona le e seng go ipatlela basadi mo go bomorwadia-bone. A ga lo a bona Salomo kgosi ya Iseraele yo o neng a leofa ka ntlha ya basadi ba ba ntseng jalo? Le fa mo ditšhabeng tse dintsi go ne go se kgosi e e tshwanang nae, a ratilwe ke Modimo wa gagwe, mme Modimo wa mo dira kgosi ya Baiseraele botlhe, le ene basadi ba ditšhaba di sele ba mo leofisa. Jaanong a ga se thona mo go lona, fa lo dira bosula jotlhe jo bogolo jo go direla Modimo wa rona ka boikanyologo ka go nyala basadi ba sele?” Mme mongwe wa bomorwa Joyata morwa Eliasibe moperesiti yo mogolo e ne e le mongwe wa ga Sanebalate wa kwa Horone, mme ka mo leleka fa go nna. “Ba gopole, Modimo wa me, ka ntlha ya go itshekolola boperesiti le kgolagano ya boperesiti le Balefi.” Ka ba phepafatsa jalo mo dilong tsotlhe tsa ditšhaba di sele, ka baya thulaganyo ya tirelo ya baperesiti le Balefi ka fa tirong ya mongwe le mongwe; le thulaganyo ya go tlisa dikgong ka dipaka tse di beilweng le ya go tlisa mabutswapele. “Modimo wa me, nkgopole molemong.” Go kile ga dirafala mo metlheng ya ga Ahasewerose – ke ene Ahasewerose yo o neng a busa mafatshe a le 127 go simolola kwa India go ya go fitlha kwa Ethiopia – mo metlheng eo ya re kgosi Ahasewerose a dutse mo sedulong sa bogosi jwa gagwe kwa Susane motseng wa kgosing o o femetsweng. Ka ngwaga wa boraro wa puso ya gagwe a direla dikgosana tsotlhe tsa gagwe le batlhanka ba gagwe moletlo. Le balaodi ba mephato ya Peresia le Media le batlotlegi le baokamedi ba mafatshe ba bo ba le fa pele ga gagwe. Ke fa a bontsha khumo le kgalalelo ya bogosi jwa gagwe le bontle jwa mokgabo wa bogolo jwa gagwe malatsi a mantsi, malatsi a le 180. Jaanong ya re malatsi ao a sena go feta, kgosi ya direla batho botlhe ba ba neng ba le kwa Susane motseng o o femetsweng, ba bagolo le ba bannye, moletlo malatsi a supa mo lebaleng le le fa pele ga tshimo ya ditlhare ya ntlo ya borena ya kgosi. Masela a mantle a masweu le a mabududu a ne a lepeleditswe, a tshwerwe ka dithapo tsa masela a masweu le a mahibidu mo melepong ya selefera fa maotwaneng a legakwa le lesweu. Ditulo tsa mesamo tsa gouta le selefera di ne di eme mo boalong jwa matlapa a magakwa a matala le a masweu le a mebala e mengwe. Ba nosa ka dinwelo tsa gouta tsa mefutafuta. Go ne go le weine e ntsi ya kgosi jaaka go tshwanela moletlo wa kgosi. Go ne go nowa ka fa taelong ya gore go se thibelwe ope; gonne kgosi e ne e laetse baokamedi botlhe ba lapa la yona jalo gore go dirwe ka fa mongwe le mongwe a itumelang ka teng. Le mohumagadi Wasethi a direla basadi moletlo mo ntlong ya borena ya kgosi Ahasewerose. Mme ya re ka letsatsi la bosupa pelo ya kgosi e thabile ka weine, ya laela Mehumane le Bisetha le Harebona le Bigetha le Abagetha le Sethare le Karekase, badiredi ba supa ba ba neng ba tlhokomela kgosi Ahasewerose fela gore ba ye go bitsa mohumagadi Wasethi gore a tle fa pele ga kgosi, a rwele serwalo sa bogosi gore e tle e bontshe merafe le dikgosana bontle jwa gagwe; gonne o ne a le montle. Mme mohumagadi Wasethi a gana go tla ka fa taelong ya kgosi e e mo rometseng ka badiredi. Ke fa kgosi e galefa thata, e tuka bogale. Kgosi ya ba ya ipua le batlhalefi ba ba itseng dipaka; – gonne dikgang tsa kgosi di ne di bewa jalo fa pele ga bone botlhe ba ba itseng molao le tshiamo. Ba ba neng ba le gaufi le yona e ne e le Karesena le Sethare le Atematha le Tharesise le Merese le Maresena le Memugane, dikgosana tse supa tsa Peresia le Media tse di nnang le kgosi, di e tlhomaganela mo pusong – ya botsa ya re: “Ka fa molaong go ka dirwang ka mohumagadi Wasethi, ka a ganne go dira ka fa taelong ya kgosi Ahasewerose e a e amogetseng ka badiredi ba lapa la kgosi?” Ke fa Memugane a araba fa pele ga kgosi le dikgosana a re: “Mohumagadi Wasethi ga a ka a leofela kgosi e le yosi fela, mme o leofetse dikgosana tsotlhe le merafe yotlhe e e mo mafatsheng otlhe a kgosi Ahasewerose. Gonne go dira jaana ga mohumagadi go tla utlwiwa ke basadi botlhe, go dira banna ba bone banyatsegi, ka ba tla re: ‘Kgosi Ahasewerose o laetse gore a bilediwe Wasethi mohumagadi, mme a gana go tla.’ Go tloga gompieno bahumagadi ba dikgosana tsa Peresia le Media ba ba utlwetseng tiro e ya mohumagadi ba tla e bolela dikgosana tsotlhe tsa kgosi, mme go tla nna lonyatso le kgopisego fela. Fa go siametse kgosi, a go tswe taolo ya bogosi mo go yona, mme e kwalwe mo lokwalong lwa melao ya Peresia le Media, mo e sa ka keng ya fetoga e e reng: ‘A Wasethi a se ka a tlhola a tla fa pele ga kgosi Ahasewerose! Mme bohumagadi jwa gagwe kgosi e bo neele mongwe-ka-ene yo o siameng bogolo go ene.’ Jaanong fa molao o kgosi e o bayang o utlwala mo mafatsheng otlhe a yona – kana a mantsi – foo basadi botlhe ba tla tlotla banna ba bone, ba bagolo le ba bannye.” Lefoko leo le ne la kgatlha kgosi le dikgosana, mme kgosi ya dira ka fa lefokong la ga Memugane. Ya ba ya romela dikwalo kwa mafatsheng otlhe a kgosi, kwa lefatsheng lengwe le lengwe ka fa mokwalong wa lone le kwa morafeng mongwe le mongwe ka fa puong ya ona gore monna mongwe le mongwe a buse mo ntlong ya gagwe, a bue segagabo. E rile morago ga dilo tseo, fa bogale jwa kgosi Ahasewerose bo sena go kokobela, ya gopola Wasethi le se o se dirileng le se o se atlholetsweng. Ke fa batlhanka ba kgosi ba ba e direlang ba re: “A kgosi e batlelwe barweetsana, e bong makgarebe a mantle. A kgosi e tlhome baokamedi mo mafatsheng otlhe a puso ya yona gore ba tle ba phuthele barweetsana botlhe ba makgarebe a mantle kwano Susane yo o femetsweng mo ntlong ya basadi, ba nne mo tlamelong ya ga Hekai modiredi wa lapa la kgosi, modisa wa basadi, mme ba newe tsa go intlafatsa mmele. Mme morweetsana yo o tla kgatlhang kgosi, a a nne mohumagadi mo boemong jwa ga Wasethi.” Lefoko leo le ne la kgatlha kgosi, mme ya dira jalo. Jaanong go ne go le monna wa Mojuta kwa Susane, motseng wa kgosing o o femetsweng, leina la gagwe e le Moretogai morwa Jaire morwa Simei morwa Khiše wa Mobenyamene yo o neng a thopilwe kwa Jerusalema mmogo le batshwarwi ba ba thopilweng le Jegonya kgosi ya Juta, ba Nebukatenesare kgosi ya Babele o neng a ba isitse mo botshwarong. Ene e ne e le mogodisi wa ga Hatasa, e bong Esetere morwadia rrangwanaagwe; gonne o ne a se na rraagwe le mmaagwe. Mosetsana yoo o ne a bopegile sentle thata, a le montle. Mme e rile rraagwe le mmaagwe ba swa, Moretogai a mo tshola jaaka morwadie. Jaanong ya re lefoko la kgosi le taelo ya yona di utlwala, mme barweetsana ba bantsi ba phuthelwa kwa Susane motseng wa kgosing o o femetsweng mo tlamelong ya ga Hekai, le Esetere a isiwa kwa ntlong ya kgosi mo tlamelong ya ga Hekai modisa wa basadi. Mme morweetsana yo a mo kgatlha, a bona bopelotlhomogi fa pele ga gagwe, mme ene a itlhaganela go mo naya tsa go iphotla le dikabelo tsa gagwe tsa dijo, le go mo neela basetsana ba supa ba ba tlhaotsweng ba ba tswang mo ntlong ya kgosi, a mo tshola sentle le basetsana ba gagwe go phala ba bangwe mo ntlong ya basadi. Mme Esetere a se ka a ipolela gore o mokae, a loba morafe wa ga gabo le losika lwa gagwe; gonne Moretogai o ne a mo laetse gore a se ka a di bolela. Mme Moretogai o ne a tlhola a tsamayatsamaya fa pele ga lelapa la ntlo ya basadi ka letsatsi lengwe le lengwe gore a tle a itse gore Esetere o phela jang le se se tla mo dirafalelang. Jaanong e ne ya re go tla nako ya morweetsana mongwe ya go tsena kwa kgosing Ahasewerose, fa a sena go direlwa ka fa tshwanelong ya basadi dikgwedi di le 12 – gonne ntlafatso ya bone e ne e tsaya sebaka se se kana, e dirwa dikgwedi di le thataro ka lookwane lwa mera le dikgwedi di le thataro gape ka ditlolo tse di nkgang monate le ka tse dingwe tsa go iphotla ga basadi – jaanong fa morweetsana a tla ya kwa kgosing, a newe tsotlhe tse o di eletsang gore a tswe mo ntlong ya basadi, a be a tsene mo ntlong ya kgosi a ntse a kgabile ka tsona. A tsena maitsiboa, mme mo mosong a boele kwa ntlong ya bobedi ya basadi e e mo tebelong ya ga Saasekase moopafadiwa wa kgosi yo o disang bagadingwana, mme morweetsana a sa tshwanela go tsena gape kwa kgosing fa e se fa kgosi e kgatlhilwe ke ene, mme a bidiwa ka leina. Jaanong ya re go tla nako ya ga Esetere morwadia Abigaile rrangwanaagwe Moretogai yo o neng a mo tshotse go nna morwadie go tsena kwa kgosing, a se ka a batla sepe fa e se tse di bolelwang ke Hekai modiredi wa lapa la kgosi yo o disang basadi. Mme Esetere a kgatlha botlhe ba ba mmonang. Esetere a isiwa jalo kwa kgosing Ahasewerose mo ntlong ya yona ya borena kgweding ya some, ke kgwedi ya Tebethe, ka ngwaga wa bosupa wa puso ya yona. Mme kgosi ya rata Esetere bogolo go basadi botlhe, mme Esetere a bona bopelotlhomogi le lorato mo go yona go gaisa makgarebe otlhe, mme ya mo rwesa serwalo sa bogosi mo tlhogong, ya mo dira mohumagadi mo boemong jwa ga Wasethi. Kgosi ya ba ya direla dikgosana tsotlhe tsa yona le batlhanka ba yona moletlo o mogolo, e le moletlo wa ga Esetere; ya ba ya direla mafatshe letsatsi la boikhutso, ya ntsha dineo jaaka go tshwanela moletlo wa kgosi. Jaanong ya re go phuthwa makgarebe la bobedi, Moretogai a bo a dutse fa kgorong ya kgosi. Mme Esetere o ne a ise a ipolele gore ke wa losika lofe le wa morafe ofe jaaka Moretogai a mo laetse. Esetere a nna a dira ka fa taelong ya ga Moretogai jaaka pele, fa a sa ntse a le mo tlamelong ya gagwe. Mo metlheng eo, ya re Moretogai a ntse a dutse fa kgorong ya kgosi, ga galefa Bikethane le Therese, badiredi ba le babedi ba lelapa la kgosi, bangwe ba badisa ba mojako, mme ba batla go bolaya kgosi Ahasewerose. Seo se sa lemogiwa ke Moretogai, mme a itsise Esetere mohumagadi. Ke fa Esetere a bolelela kgosi ka taelo ya ga Moretogai. Mme ya re go tlhotlhomisiwa, ga fitlhelwa e le nnete, mme ba pegwa mo dikoteng tsa polaelo ka bobedi jwa bone. Ga ba ga kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa malatsi lo lo kwalelwang kgosi. Morago ga ditirafalo tseo kgosi Ahasewerose a godisa Hamane, morwa Hametatha oora Agage; a mo dira yo mogolo, sedulo sa gagwe sa okama tsa dikgosana tsotlhe tse di neng di na nae. Mme batlhanka botlhe ba kgosi ba ba neng ba le mo kgorong ya kgosi ba khubamela le go ikobela Hamane; gonne kgosi e ne e laetse jalo ka ga gagwe. Mme Moretogai a se ka a khubama le e seng go ikoba. Ke fa batlhanka ba kgosi ba ba neng ba le mo kgorong ya kgosi ba botsa Moretogai ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa o gana taolo ya kgosi?” Ya re ba ntse ba bua jalo nae ka letsatsi le letsatsi, mme ene a sa ba utlwe, ba begela Hamane go bona gore, a mabaka a ga Moretogai a tla lekana; gonne o ne a ba boleletse fa ene e le Mojuta. Ya re Hamane a bona Moretogai a sa mo khubamele le e seng go mo ikobela, a betwa ke pelo. Mme o ne a galala go ka bolaya Moretogai a le esi; gonne ba ne ba mo itsisitse morafe wa ga Moretogai; mme Hamane a batla go nyeletsa Bajuta botlhe ba ba mo pusong yotlhe ya ga Ahasewerose, ka e le morafe wa ga Moretogai. Ka kgwedi ya ntlha, ke kgwedi ya Nisane, ngwageng wa 12 wa puso ya kgosi Ahasewerose ba tlhama Phure, ke tengwa, fa pele ga Hamane, ba e tlhamela letsatsi lengwe le lengwe le kgwedi nngwe le nngwe, mme tengwa ya supa letsatsi la 13 la kgwedi ya 12, ke kgwedi ya Atare. Ke fa Hamane a raya kgosi Ahasewerose a re: “Go na le morafe mongwe o o faletseng, o o lomologanyeng le ba bangwe mo gare ga merafe mo mafatsheng otlhe a puso ya gago. Mme melao ya ona ga e tshwane le ya morafe ope. Le gona ga ba dire ka fa melaong ya kgosi. Kana ga go a tshwanela kgosi go ba lesa jalo. Fa go siametse kgosi, a go kwalwe taelo ya gore ba nyelediwe. Foo ke tla lekanyetsa mo diatleng tsa batlhanka ba kgosi ditalente tsa selefera di le 10 000 go di tsenya mo letloleng la kgosi.” Ke fa kgosi e rola palamonwana e e kanang ka yona mo seatleng sa yona, ya e neela Hamane, morwa Hametatha oora Agage, mmaba wa Bajuta. Kgosi ya ba ya raya Hamane ya re: “Selefera o a e fiwa le ona morafe, o a letlelelwa go dira ka ona ka fa o ratang ka teng.” Ke fa go bidiwa bakwaledi ba kgosi ka letsatsi la 13 la kgwedi ya ntlha, mme ga nna fela jaaka go laetse Hamane, ga kwalelwa babusi ba bagolo ba kgosi le balaodi ba lefatshe lengwe le lengwe le dikgosana tsa morafe mongwe le mongwe; lefatshe lengwe le lengwe ka fa mokwalong wa lone le morafe mongwe le mongwe mo puong ya ona; ga kwalwa ka leina la kgosi Ahasewerose, ga kanwa ka palamonwana e e kanang ya kgosi. Ga ba ga romelwa dikwalo ka batabogi kwa mafatsheng otlhe a kgosi tse di reng: “A go nyelediwe, go bolawe, go fedisiwe Bajuta botlhe, basimane le banna bagolo le bana le basadi ka letsatsi le le lengwe ka kgwedi ya 12 e le 13, e bong kgwedi ya Atare, mme ba thukhuthiwe di-tsa-bone.” Lokwalo loo lo ne lo tshwanetse go ntsifadiwa, lwa dirwa molao mo lefatsheng lengwe le lengwe, lwa ba lwa itsisiwe merafe yotlhe mo ponatshegong gore ba ipaakanyetse letsatsi leo. Batabogi ba bolola ka potlako ka taelo ya kgosi, mme molao oo wa begwa kwa Susane motseng o o femetsweng wa kgosing. Kgosi le Hamane bone ba ne ba nnetse go nwa, mme motse wa Susane ona wa rerega. E rile Moretogai a sena go utlwa tsotlhe tse di dirilweng, a ikgagola diaparo, a apara lesela la kgetse, a itshela molora; a ba a tswela kwa gare ga motse, a tlhatlosa lentswe, a lela selelo se segolo se se galakang. A ba a tla a fitlha fa kgorong ya kgosi; gonne go ne go sa letlelelwa ope go tsena kgorong ya kgosi a apere lesela la kgetse. Le kwa lefatsheng lengwe le lengwe, le fa e le kae kwa lefoko la kgosi le molao wa yona di fitlhang teng ga nna bohutsana jo bogolo mo Bajuteng le go itima dijo le selelo le khutsafalo; ba bantsi ba ikalela lesela la kgetse le molora. Ke fa basetsana ba ga Esetere le badiredi ba gagwe ba tla ba mmolelela, mme mohumagadi a utlwa botlhoko thata; a ba a romela diaparo go apesa Moretogai le go mo apola lesela la kgetse, mme a di gana. Jaanong Esetere a bitsa Hathage mongwe wa badiredi ba kgosi yo e neng e mo laetse go direla mohumagadi, a mo laela go ya kwa go Moretogai go ya go utlwa gore ke eng le gore ke ka ntlha ya eng. Hathage a tswela kwa go Moretogai kwa patlelong ya motse e e fa pele ga kgoro ya kgosi. Ke fa Moretogai a mmegela tsotlhe tse di mo dirafaletseng le palo ya madi a Hamane o neng a solofeditse go a lekanyetsa mo dikhumong tsa kgosi gore a tle a nyeletse Bajuta. A ba a mo neela lokwalo lwa molao o o beilweng mo Susane go ba nyeletsa go lo bontsha Esetere le go mo itsise dilo tseo le go mo laela gore a tsene kwa kgosing go kopa bopelotlhomogi mo go yona le go e rapelela morafe wa gagwe. Hathage a tla, a bolelela Esetere mafoko a ga Moretogai. Mme Esetere a raya Hathage a mo laela go ya kwa go Moretogai go mo raya a re: “Batlhanka botlhe ba kgosi le batho ba mafatshe a kgosi ba itse gore mongwe le mongwe, le fa e le monna gongwe mosadi yo o tsenang kwa kgosing kwa lapeng la ka fa teng a sa bidiwa, o atlholwa ka molao o le mongwe gore a bolawe, fela fa e se yo kgosi e mo otlololelang thobane ya yona ya bogosi ya gouta gore a phele. Mme nna ga ke ise ke bidiwe go tsena kwa kgosing e setse e le malatsi a le 30.” Ya re Moretogai a begelwa mafoko a ga Esetere, a busetsa karabo go Esetere e e reng: “O se itlhome, o tla falola o le wesi mo Bajuteng botlhe ka o le mo ntlong ya kgosi. Gonne fa o ka didimala tota ka sebaka se se ntseng jalo, kgololesego le pholoso di tla dirafalela Bajuta di tswa go sele, mme wena le ba lapa la ga rraago lo tla latlhega. Go itse mang? Motlhamongwe o filwe bohumagadi ka ntlha ya sebaka se se tshwanang le seno.” Esetere a laela go ya go araba Moretogai go re: “Yaa o phuthe Bajuta botlhe ba ba mono Susane, lo itime dijo ka ntlha ya me, lo se ka lwa ja, lo se ka lwa nwa malatsi a le mararo bosigo le motshegare; le nna le basetsana ba me re tla itima dijo jalo; morago ga moo ke tla tsena kwa kgosing, le fa e se ka fa molaong. Fa ke bolawa, ke tla bolawa.” Moretogai a ya a dira fela jaaka Esetere a mo laetse. Ka letsatsi la boraro Esetere a apara diaparo tsa bohumagadi, a ya a ema mo lapeng la ka fa teng la ntlo ya kgosi fa go lebanyeng le ntlo ya kgosi, mme kgosi ya bo e dutse mo sedulong sa yona sa bogosi mo ntlong ya bogosi go lebagana le mojako wa ntlo. Jaanong ya re kgosi e bona Esetere mohumagadi a eme mo lapeng, ya mmontsha bopelotlhomogi, ya ba ya mo otlololela thobane ya bogosi ya gouta e e neng e e tshotse; ke fa Esetere a atamela, a ama ntlha ya thobane ya bogosi. Mme kgosi ya mmotsa ya re: “O ne o reng, Esetere mohumagadi? O kopang? Le fa e ka nna bontlhanngwe jwa puso, o tla bo newa.” Esetere a araba a re: “Fa go siametse kgosi, a kgosi e tle le Hamane kajeno kwa moletlong o ke o e diretseng.” Mme kgosi ya re: “Bitsang Hamane, a tle ka pele gore re dire ka fa lefokong la ga Esetere.” Kgosi ya tla jalo e na le Hamane kwa moletlong o Esetere o neng a o dirile. Jaanong ya re ba le moletlong wa go nwa weine, kgosi ya botsa Esetere gape ya re: “Se o se kopang ke eng? O tla se newa. Se o se batlang ke eng? Le fa se ka lekana le bontlhanngwe jwa puso, o tla se direlwa.” Ke fa Esetere a araba a re: “Kopo le keletso ya me ke tse: Fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a kgosi, fa go kgatlha kgosi go nnaya se ke se kopang le go dirafatsa keletso ya me, a kgosi e tle le Hamane kwa moletlong o ke tla o ba direlang le kamoso; mme kamoso ke tla bolela kopo ya me ka fa lefokong la kgosi.” Ka letsatsi leo Hamane a tswa a itumetse a le pelotshweu; mme ya re Hamane a bona Moretogai mo kgorong ya kgosi, a sa nanoge, a sa mo tshoge, Hamane a betwa ke pelo ka ntlha ya ga Moretogai. Fela Hamane a itshwara, mme ya re a tsena mo ntlong ya gagwe, a roma motho go ya go bitsa ditsala tsa gagwe le Serese, mosadi wa gagwe. Hamane a ba a ba bolelela ka ga kgalalelo ya khumo ya gagwe le bontsi jwa bomorwawe le tsotlhe tse kgosi e mo godisitseng ka tsona le ka fa e mo dirileng yo mogolo ka teng bogolo go dikgosana le batlhanka ba kgosi. Hamane a ba a re: “Le mohumagadi Esetere ga a ka a laletsa ope le kgosi go tla moletlong o a neng a o dirile fa e se nna. Mme le kamoso o ntaleditse mmogo le kgosi. Mme tsotlhe tseo ga di ise di ntekane, fa ke sa ntse ke bona Moretogai wa Mojuta a dutse mo kgorong ya kgosi.” Ke fa Serese, mosadi wa gagwe, le ditsala tsotlhe tsa gagwe ba mo raya ba re: “A go tlhongwe kota e telele ya mabogo a le 50, mme ka mmamoso o ree kgosi gore ba pege Moretogai mo go yona. Foo o tla itse go ya le kgosi kwa moletlong o thabile.” Lefoko leo la kgatlha Hamane, a tlhoma kota eo. Bosigo joo kgosi ya tlhofaela, ya laela gore go tsisiwe lokwalo lwa segopotso lwa ditirafalo tsa malatsi. Jaanong ya re di buisiwa fa pele ga kgosi, ga fitlhelwa go kwadilwe jaaka Moretogai a kile a bega Bikethana le Therese, badiredi ba babedi ba lapa la kgosi, bangwe ba badisa ba mojako ba ba neng ba batlile go bolaya kgosi Ahasewerose. Ke fa kgosi e botsa e re: “Moretogai o lebogilwe ka eng a godisiwa ka eng ka ntlha ya tseo?” Batlhanka ba kgosi ba ba e direlang ba araba ba re: “Ga a ka a direlwa sepe.” Kgosi ya ba ya re: “Ke mang yo o tsenyeng mo lapeng?” E ne e le gona Hamane a tsenang mo lapeng la ka fa ntle la ntlo ya kgosi, a tla go raya kgosi gore Moretogai a pegwe mo koteng e a e mmaakanyeditseng. Mme batlhanka ba kgosi ba e raya ba re: “Ke Hamane, o eme mo lapeng.” Kgosi ya re: “A a tsene.” Ya re Hamane a sena go tsena, kgosi ya mmotsa ya re: “Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla o ka direlwang?” Ke fa Hamane a ithaya pelong a re: “E ka nna mang yo kgosi e ratang go mo naya tlotlo fa e se nna.” Ka moo Hamane a raya kgosi a re: “Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla a a tsisediwe seaparo sa bogosi se kgosi e a tleng e se apare le pitse e kgosi e a tleng e e palame, e rwesiwe serwalo sa bogosi mo tlhogong. Mme seaparo seo le pitse eo di neelwe mo seatleng sa mongwe wa dikgosana tsa kgosi tse di tlotlegang gore ene a se apese monna yo kgosi e ratang go mo tlotla, a be a mo ralatse patlelo ya motse a palame pitse, a be a tlhabe mokgosi fa pele ga gagwe a re: ‘Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla o direlwa jalo.’ ” Ke fa kgosi e raya Hamane e re: “Akofa ò tsee seaparo le pitse jaaka o buile, o direle Moretogai wa Mojuta jalo yo o dutseng mo kgorong ya kgosi. O se ka wa tlhaetsa sepe sa tsotlhe tse o di buileng.” Hamane a ya a tsaya seaparo le pitse, a se apesa Moretogai, a ba a mo palamisa pitse, a mo tsamaisa mo patlelong ya motse, a opa mokgosi fa pele ga gagwe a re: “Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla o direlwa jalo.” Morago ga moo Moretogai a boela kwa kgorong ya kgosi, mme Hamane a itlhaganela go ya kwa ntlong ya gagwe a hutsafetse, a ikhurumeditse tlhogo. Hamane a ba a bolelela Serese, mosadi wa gagwe, le ditsala tsotlhe tsa gagwe dilo tsotlhe tse di mo dirafaletseng. Ke fa batlhalefi ba gagwe le Serese, mosadi wa gagwe, ba mo raya ba re: “Fa Moretogai yo ò simolotseng go wa fa pele ga gagwe e le Mojuta, ga o ka ke wa ba wa mo kgona, mme o tla wela ruri fa pele ga gagwe.” Ya re ba sa ntse ba bua nae, ga goroga badiredi ba lapa la kgosi, ba potlaka go isa Hamane kwa moletlong o Esetere o o dirileng. Jaanong ya re kgosi le Hamane ba sena go tsena go ja moletlo le Esetere mohumagadi, kgosi ya botsa Esetere le ka letsatsi la bobedi le, ba ntse ba nwa weine ya re: “Se o se kopang ke eng, Esetere mohumagadi? O tla se newa. Se o se batlang ke eng? Le fa se ka lekana le bontlhanngwe jwa puso, o tla se direlwa.” Mohumagadi Esetere a araba a re: “Fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, kgosi, mme fa go siametse kgosi, a ke newe botshelo jwa me ka ntlha ya kopo ya me le morafe wa me ka ntlha ya keletso ya me! Gonne re rekisitswe, nna le morafe wa ga etsho gore re nyelediwe, re bolawe, re fedisiwe. Fa re ka bo re ne re rekisitswe fela go nna batlhanka le malata, nka bo ke didimetse; mme fa e le tatlhego e ga go na tshenyegelo epe ya kgosi e e lekanyeng le yona.” Kgosi Ahasewerose a botsa Esetere mohumagadi a re: “Ke mang? O kae yo o neng a tsenwa ke mogopolo wa go dira jalo?” Esetere a re: “Sera le mmaba ke Hamane yo o bosula yo.” Ke fa Hamane a rerega mo go fetisang fa pele ga kgosi le mohumagadi. Mme kgosi ya nanoga moletlong wa weine e galefile, ya tswela kwa tshimong ya ditlhare ya ntlo ya borena. Hamane ene a sala a eme, a ikopela botshelo mo go Esetere, mohumagadi. Gonne o ne a bonye fa kgosi e setse e mo atlholetse tatlhego. Jaanong ya re kgosi e boa kwa tshimong ya ditlhare ya ntlo ya borena, e tsena mo ntlong ya moletlo wa weine, Hamane a bo a wela mo sedulong sa mesamo se Esetere o neng a rapame mo go sona. Ke fa kgosi e re: “A le gona o rata go gatelela mohumagadi fa go nna mo ntlong?” ya re lefoko le, le sena go tswa mo molomong wa kgosi, ba khurumetsa sefatlhego sa ga Hamane. Ga bua Harebona, mongwe wa badiredi lapeng fa pele ga kgosi, a re: “Kana le kota ya polaelo e Hamane o e diretseng Moretogai yo o buileng tse di molemo go thusa kgosi e eme fa ntlong ya ga Hamane ya boleele jwa mabogo a le 50.” Kgosi ya re: “Mo pegeng mo go yona!” Ba pega Hamane jalo mo koteng e a e baakanyeditseng Moretogai. Ya baa gona bogale jo bo gaketseng jwa kgosi bo kokobelang. Ka lone letsatsi leo kgosi Ahasewerose a naya mohumagadi Esetere ntlo ya ga Hamane, mmaba wa Bajuta; mme Moretogai a tla fa pele ga kgosi; gonne Esetere o ne a e boleletse, fa e le wa ga gabo. Mme kgosi ya rola palamonwana ya yona e e kanang e e e amogileng Hamane, ya e neela Moretogai, mme Esetere a baya Moretogai mookamedi wa ntlo ya ga Hamane. Esetere a ba a bua gape fa pele ga kgosi, a wela fa fatshe fa dinaong tsa yona, a lela a e kokotlela gore e thibele bosula jwa ga Hamane, oora Agage, le maano a gagwe a o a logileng go bolaya Bajuta. Ke fa kgosi e otlololela Esetere thobane ya yona ya bogosi ya gouta, mme Esetere a tsoga a ema fa pele ga kgosi, a re: “Fa go kgatlha kgosi, mme ke bonye bopelotlhomogi fa pele ga yona, le seo se se siametse kgosi, e bile ke ratega mo matlhong a yona, gona a go kwalwe dikwalo tsa go dirolola dikwalo tsele tsa leano la ga Hamane, morwa Hametatha, oora Agage, tse o di kwaletseng go nyeletsa Bajuta ba ba mo mafatsheng otlhe a kgosi. Gonne nka kgona jang go leba bosula jo bo tlang go wela morafe wa ga etsho? Nka kgona jang go leba tatlhego ya losika lwa ga etsho?” Kgosi Ahasewerose a raya mohumagadi Esetere le Moretogai wa Mojuta a re: “Bonang, ke neile Esetere ntlo ya ga Hamane, mme ene o pegilwe mo koteng, ka a ne a ntsheditse Bajuta letsogo. Jaanong he, fa e le Bajuta a go kwale lona dikwalo tse di siameng mo matlhong a lona ka leina la kgosi, lo di kane ka palamonwana e e kanang ya kgosi. Gonne tsa lokwalo lole tse di kwadilweng ka leina la kgosi tsa kanwa ka palamonwana e e kanang ya kgosi ga di na go dirololwa.” Ke fa go bidiwa bakwaledi ba kgosi ka yona nako eo ka kgwedi ya boraro, e bong kgwedi ya Siwane e le 23, mme go kwalwa fela jaaka Moretogai a laela, go kwalelwa Bajuta le babusi ba bagolo le balaodi le dikgosana tsa mafatshe a a simologang kwa India go ya go fitlha kwa Ethiopia, e le mafatshe a le 127; lefatshe lengwe le lengwe la kwalelwa ka mokwalo wa lone le morafe mongwe le mongwe ka puo ya ona le Bajuta ka mokwalo wa bone le ka puo ya bone. Ga kwalwa dikwalo ka leina la kgosi Ahasewerose, tsa kanwa ka palamonwana e e kanang ya kgosi, tsa romelwa ka batabogi ba ba palameng dipitse, e bong dipitse tsa borena tse di tswang mo ditaleng tsa boatisetso jwa dipitse tsa kgosi. E le dikwalo tse kgosi e dumeletseng Bajuta ba motse mongwe le mongwe ka tsona gore ba kgobokane go emela maphelo a bone le go nyeletsa le go bolaya le go fedisa mophato mongwe le mongwe wa morafe gongwe wa lefatshe o o ka ba tlhaselang, go o fedisa mmogo le bana le basadi le go o thukhutha di-tsa-one ka letsatsi le le lengwe mo mafatsheng otlhe a kgosi Ahasewerose ka kgwedi ya 12, e bong kgwedi ya Atare e le 13. Dikwalo tseo di ne di na le go dirwa molao mo lefatsheng lengwe le lengwe le go begelwa merafe yotlhe, e le gore Bajuta ba ipaakanyetse letsatsi leo go tla ipusolosetsa mo babeng ba bone. Mme batabogi ba ba palameng dipitse tsa borena ba bolola ka lobelo, ba itlhaganetse ka taelo ya kgosi; molao oo wa begwa le mo Susane, motseng o o femetsweng. Mme Moretogai a tswa fa pele ga kgosi a apere diaparo tsa bogosi tsa bobududu le bosweu, a rwele serwalo se segolo sa gouta, a apere kobo ya masela a masweu le a botala jo bo bohibidu. Mme motse wa Susane wa duduetsa wa itumela. Bajuta ba ne ba dirafaletswe ke lesedi le boitumelo le boipelo le tlotlego. Le mo lefatsheng lengwe le lengwe le motseng mongwe le mongwe kwa lefoko la kgosi le molao wa yona di fitlhang teng ga nna boitumelo le boipelo mo Bajuteng le moletlo wa go nwa le letsatsi la kgatlhego. Mme ba bantsi ba merafe ya lefatshe ba iphetola Bajuta; gonne go tshoga Bajuta go ne go ba wetse. Ka kgwedi ya 12, e bong kgwedi ya Atare letsatsi la 13 la yona, ke lone lefoko la kgosi le molao wa yona di tla dirafadiwang ka lone. Ka letsatsi leo baba ba Bajuta ba neng ba solofetse go ba bolaya ka lone ga fetoga, ya nna lone le Bajuta ba tla bolayang batlhoi ba bone ka lone. Bajuta ba phuthega mo metseng ya bone mo mafatsheng otlhe a kgosi Ahasewerose go tlhasela bone ba ba neng ba batlile tatlhego ya bone; mme go ne go se ope yo o ka emelanang nabo; gonne go ba boifa go ne go wetse mo merafeng yotlhe. Le dikgosana tsotlhe tsa mafatshe le babusi ba bagolo le balaodi le baokamedi ba tiro ya kgosi ba thusa Bajuta; gonne poifo ya go boifa Moretogai e ne e ba wetse. Gonne Moretogai o ne a le mogolo mo ntlong ya kgosi, mme tumedi ya gagwe ya utlwala mo mafatsheng otlhe; gonne monna yoo, Moretogai, a nna a godisediwa pele. Mme Bajuta ba dira polao mo babeng botlhe ba bone, ba ba rema ka tšhaka, ba ba bolaya, ba ba nyeletsa; ba dira ka batlhoi ba bone ka fa ba ratang ka teng. Kwa Susane motseng o o femetsweng, Bajuta ba bolaya banna ba le 500, ba ba nyeletsa. Le gona ba bolaya Pharesanetatha le Dalefone le Asephatha le Phoratha le Atalea le Aritatha le Pharemasetha le Arisai le Aritai le Wayesatha, ba ba some, bomorwa Hamane, morwa Hametatha, mmaba wa Bajuta, ba ba bolaya, mme ba se ka ba tshwara leruo. Ka letsatsi leo palo ya ba ba bolailweng mo Susane motseng o o femetsweng ya begelwa kgosi. Ke fa kgosi e raya mohumagadi Esetere e re: “Mono Susane, motseng o o femetsweng, Bajuta ba bolaile banna ba le 500, ba ba nyeletsa mmogo le bomorwa Hamane ba ba some. E kete nka itse se ba se dirileng kwa mafatsheng a mangwe a kgosi? Mme se o se kopang ke eng? O tla se fiwa. Se o sa ntseng o se batla ke eng? Go tla dirwa.” Esetere a re: “Fa go siametse kgosi, a Bajuta ba mono Susane ba dumelelwe le kamoso go dira ka fa molaong wa kajeno, mme a bomorwa Hamane ba ba some ba pegwe mo koteng.” Kgosi ya laela gore go dirwe jalo. Mme molao wa teng wa begwa mo Susane. Mme bomorwa Hamane ba ba some ba pegwa. Mme Bajuta ba ba mo Susane ba kgobokana gape ka letsatsi la 14 la kgwedi ya Atare, ba bolaya banna ba le 300 mo Susane, mme ba se ka ba tshwara leruo. Le Bajuta ba bangwe ba ba kwa mafatsheng a kgosi ba ne ba phuthegile ba emetse maphelo a bone, ba bona boikhutso jalo mo babeng ba bone; mme mo go ba ba ba tlhoileng ba ne ba bolaile ba le 75 000, mme ba se ka ba tshwara leruo; e le ka letsatsi la 13 la kgwedi ya Atare, mme ba ikhutsa ka letsatsi la 14 la yona, ba le dira letsatsi la moletlo le la boitumelo. Mme Bajuta ba Susane ba ne ba phuthegile ka la 13 le la 14 la yona, ba ikhutsa ka la 15 la yona, ba dira lone letsatsi la moletlo le la boitumelo. Ke ka ntlha ya moo fa Bajuta ba kwa nageng ba ba agileng mo metseng e e sa femelwang ba dira letsatsi la 14 la kgwedi ya Atare letsatsi la boitumelo le la moletlo, e le letsatsi le le monate, ba abelana dikabelo. Mme Moretogai a kwala ditirafalo tseo, a ba a romela dikwalo kwa Bajuteng botlhe ba mafatshe otlhe a kgosi Ahasewerose, ba ba gaufi le ba ba kgakala, a ba tlhomamisetsa gore ba nne ba dire moletlo wa letsatsi la 14 la kgwedi ya Atare le letsatsi la 15 la yona ka ngwaga mongwe le mongwe; e le ona malatsi a Bajuta ba bonyeng boikhutso ka ona mo babeng ba bone, e le yona kgwedi fa bohutsana bo ba fetogela boitumelo le khutsafalo e ba fetogela letsatsi le le monate gore malatsi ao ba a dire malatsi a moletlo le a boitumelo, ba abelane dikabelo ka ona le go naya bahumanegi dineo. Mme Bajuta ba amogela tse ba simolotseng go di dira le tse ba di kwaletsweng ke Moretogai go nna molao. Ke ka gonne Hamane, morwa Hametatha oora Agage, mmaba wa Bajuta botlhe, o ne a logetse Bajuta maano a go ba nyeletsa, a bile a tlhamile Phure, e bong tengwa go ba tshosa le go ba nyeletsa, mme ya re Esetere a sena go tsena fa pele ga kgosi, ya laela ka lokwalo gore maano a a bosula a ga Hamane a o neng a a logetse Bajuta, a boele mo tlhogong ya gagwe. Mme ba mo pega mo koteng le bomorwawe. Ke ka moo malatsi ao a bidiwang Phurime ka fa leineng la tengwa ya Phure. Ka moo he, ke ka ntlha ya mafoko otlhe a lokwalo loo le ka ntlha ya se ba se bonyeng le se se ba dirafaletseng, fa Bajuta ba a tlhomamisa, ba a amogela go nna molao wa bone le wa ditso tsotlhe tsa bone le wa botlhe ba ba ikopanyang nabo o o sa dirololweng gore ba nne ba tshegetse malatsi a mabedi ao ka ngwaga mongwe le mongwe ka fa molaong wa ona le ka nako ya ona; e le gore malatsi ao a nne a gopolwe, a nne a tshegediwe mo ditshikeng tsotlhe tsa metlha yotlhe lefatsheng lengwe le lengwe le motseng mongwe le mongwe le gore malatsi ao a Phurime a se ka a lebalwa mo Bajuteng le kgakologelo ya ona e se ka ya timelela ditso tsa bone. Mme mohumagadi Esetere, morwadia Abigaile, le Mojuta Moretogai ba kwala lokwalo loo lwa bobedi, ba gatelela mafoko a moletlo oo gore molao oo o tlhomame. Moretogai a ba a romela dikwalo kwa Bajuteng botlhe ba mafatshe a le 127 a puso ya ga Ahasewerose, e le mafoko a kagiso le boammaaruri gore ba tlhomamise malatsi ao a Phurime ka nako ya ona jaaka ba a tlhomamiseditswe ke Mojuta Moretogai le mohumagadi Esetere le jaaka bone ka bosi ba tlhomamisitse mafoko a malatsi a go itima dijo le a selelo sa bone go nna molao wa bone le wa ditso tsa bone. Mme taelo ya ga Esetere ya tlhomamisa mafoko ao a Phurime, mme ya kwalwa mo lokwalong. Kgosi Ahasewerose a kgethisa batho ba lefatshe le ba ditlhakatlhake tsa lewatle. Mme tiro yotlhe ya thata ya gagwe le bopelokgale jwa gagwe le polelo e e tletseng ya boemo jo bogolo jwa ga Moretogai jo kgosi e mmeileng mo go jona kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa malatsi a dikgosi tsa Media le Peresia. Gonne Mojuta Moretogai o ne a tlhomaganela kgosi Ahasewerose, a le mogolo mo Bajuteng, a ratega mo bontsing jwa ba ga gabo, a batlela morafe wa ga gabo tse di molemo, a bua tse di agisang losika lotlhe lwa gagwe. Go ne go le monna mo lefatsheng la Use, leina la gagwe e le Jobe. Monna yoo o ne a siame, a se na molato, a boifa Modimo, a tshaba bosula. O ne a belegetswe bana ba basimane ba supa le basetsana ba le bararo. O ne a ruile difutshane di le 7 000 le dikammele di le 3 000 le dipholo tse di gogang di le 1 000 le diesele tse dinamagadi di le 500; le batlhanka ba bantsintsi. Monna yoo o ne a le mogolo go feta botlhe ba ba agileng ntlheng ya botlhabatsatsi. Bomorwawe ba ne ba tle ba direlane meletlo mongwe le mongwe mo lapeng la gagwe ka letsatsi la gagwe; le gona ba rome, ba laletse bokgaitsadia-bone ba bararo gore ba je, ba nwe nabo. Jaanong e ne e tle e re fa malatsi a meletlo a sena go feta, a rome, a ba bitse, a ba itshepise; a phakele mo mosong, a direle mongwe le mongwe wa bone setlhabelo sa phiso. Gonne Jobe o ne a gopola gore motlhamongwe bomorwaake ba leofile, ba itatola Modimo mo dipelong tsa bone. Jobe o ne a dira jalo ka metlha yotlhe. Jaanong ya re ka letsatsi le lengwe bomorwa Modimo ba tla ba ema fa pele ga Morena, Satane le ene a tla a le mo gare ga bone. Ke fa Morena a botsa Satane a re: “O tswa kae?” Satane a araba Morena a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, ka itsamaela mo go lone.” Morena a ba a botsa Satane a re: “Jobe motlhanka wa me, a ò etse tlhoko? Gonne ga go na monna ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng. O siame, ga a na molato, o boifa Modimo, o tshaba bosula.” Mme Satane a fetola Morena a re: “A Jobe o boifa Modimo lefela? A ga ke re, wena o mo sireleditse sentle, ene le lapa la gagwe le tsotlhe tse o nang natso mo ntlheng tsotlhe? Ditiro tsa diatla tsa gagwe o di tshegofaditse, diruiwa tsa gagwe tsa ata mo lefatsheng. Fela a ko o otlolole letsogo, o ame tsotlhe tse a nang natso. Foo ruri o tla go itatola a lebaganye nao.” Ke fa Morena a raya Satane a re: “Go siame, tsotlhe tse a nang natso di mo diatleng tsa gago. Fela ene ka esi o se ka wa mo ntshetsa letsogo.” Satane a ba a tloga fa pele ga Morena. Jaanong ya re letsatsi le lengwe bomorwawe le bomorwadie ba a ja, ba nwa weine mo lapeng la mogoloa-bone, ga tla morongwi kwa go Jobe a re: “Dipholo di ne di lema, diesele tse dinamagadi di ne di fula di bapile natso; ke fa ba Seba ba di tlhasela, ba di thopa, ba bolaya batlhanka ka bogale jwa tšhaka. Ke nna ke le nosi fela ke falotseng gore ke go itsise jalo.” Ya re ene a sa ntse a bua, ga ba ga tla yo mongwe a re: “Molelo wa Modimo o wele kwa legodimong, wa fisa dinku le batlhanka, wa di nyeletsa. Ke nna ke le nosi fela ke falotseng gore ke go itsise jalo.” Ya re ene a sa ntse a bua, ga ba ga tla yo mongwe a re: “Bakalatea ba tlile e le ditlhopha di le tharo tsa batlhabani, ba tlhasela dikammele, ba di thopa, ba bolaya batlhanka ka bogale jwa tšhaka. Ke nna ke le nosi fela ke falotseng gore ke go itsise jalo.” Ya re ene a sa ntse a bua, ga ba ga tla yo mongwe gape a re: “Bomorwao le bomorwadio ba ne ba a ja, ba nwa weine mo ntlong ya mogoloa-bone, ke fa go tla ledimo le legolo le tswa kwa sekakeng, le itaya dikhutlo tse nne tsa ntlo; ya wela bana bao, ba be ba a swa. Ke nna ke le nosi fela ke falotseng gore ke go itsise jalo.” Ya ba gona Jobe a nanogang, a ikgagola diaparo, a ipeola tlhogo, a ba a wela fa fatshe, a rapela a khubame a re: “Ke dule mo mmeleng wa ga mme ke sa ikatega; ke tla be ke boela teng ke sa ikatega. Morena o ne a nneile, Morena o bile o tsere. A leina la Morena le bakwe!” Mo go tsotlhe tseo Jobe a se ka a leofela Modimo le e seng go dira sepe se se bosula. Jaanong ya re letsatsi le lengwe bomorwa Modimo ba tla gape, ba ema fa pele ga Morena, Satane le ene a tla gape a le mo gare ga bone, a ema fa pele ga Morena. Morena a botsa Satane a re: “O tswa kae?” Satane a araba Morena a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, ka itsamaela mo go lone.” Morena a ba a botsa Satane gape a re: “Jobe, motlhanka wa me a o mo etse tlhoko? Gonne ga go na monna ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng. O siame, ga a na molato, o boifa Modimo, o tshaba bosula. Mme o sa ntse a tshegeditse tshiamo ya gagwe, mme wena o ntlhotlheleditse gore ke mo senyetse a se na molato.” Mme Satane a fetola Morena a re: “Letlalo le a tle le ntshediwe letlalo. Tsotlhe tse motho o di tshotseng o ka di ntsha gore a boloke bophelo jwa gagwe. Fela a ko o otlolole letsogo, o ame marapo a gagwe le nama ya gagwe. Foo ruri o tla go itatola a lebaganye nao.” Ke fa Morena a raya Satane a re: “Bona, o mo thateng ya gago. Fela o rekegele bophelo jwa gagwe.” Ya baa gona Satane a tlogang gape fa pele ga Morena, a betsa Jobe ka diso tse di bosula go simolola patong ya lonao go fitlha phogong ya gagwe. Jobe a itseela lobeana, a ingwaya ka lone a ntse a dutse mo moloreng. Ke fa mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A o sa ntse o tshegeditse tshiamo ya gago? Itatole Modimo o swe!” Mme a mo raya a re: “Le wena o bua jaaka mongwe wa basadi ba e leng dieleele. A re ka amogela tse di molemo mo Moreneng, mme tse di botlhoko tsona re a di gana?” Mo go tsotlhe tseo Jobe a se ka a leofa ka molomo wa gagwe. E rile ditsala tse tharo tsa ga Jobe di utlwela tse di botlhoko tsotlhe tseo tse di mo wetseng, tsa tla, mongwe le mongwe a tswa kwa ga gabo, e bong Elifase wa Themane le Biletate wa Sua le Sofare wa Naama. Bao ba utlwana go ya mmogo kwa go ene le go mo lelela le go mo gomotsa. Jaanong ya re ba tsholetsa matlho ba sa le kgakala, ba bo ba sa mo itse; ke fa ba tlhatlosa mantswe, ba lela, ba ikgagola diaparo ka boraro jwa bone, ba gasetsa lorole kwa godimo ga ditlhogo tsa bone; ba tla, ba nna nae fa fatshe masigo a supa le malatsi a supa, go se na ope wa bone yo o buang lefoko nae, ka gonne ba bona botlhoko jwa gagwe e le jo bogolo thata. Morago ga moo Jobe a tswa molomo, a rogaka letsatsi la botsalo jwa gagwe. Jobe a simolola go bua a re: “A letsatsi le nyelele le ke tsetsweng ka lone le bosigo jo go tilweng go ithwelwe ngwana wa mosimane! A letsatsi leo le nne lefifi! Modimo o o kwa godimo a o se le tlhokomele! A le se ka la phatsimelwa ke lesedi! A lefifi le moriti-wa-loso di le gape! A maru a mantsho a nne godimo ga lone! A phifalo ya motshegare e le tshose! Bosigo joo a lefifi le bo tlose! A bo se tlhomagane le malatsi mo ngwageng! A bo se ka jwa tsena mo malatsing a kgwedi! Ee, bosigo joo a e nne jwa boopa! A go se nne tuduetso mo go jona! Ba ba rogakang letsatsi, a ba bo rogake, bone ba ba itseng go tlhotlheletsa kgwanyape! A go fifale dinaledi tsa lotlatlana lwa jona! A bo letele lesedi, mme le se nne teng! A bo se ka jwa itumelela dintshi tsa mahube! Ka gonne ga bo a ka jwa ntswalela kgoro ya sebopelo sa ga mme; ga bo a ka jwa subela matlho a me tapisego. Ke ne ke sa sweleng mo botsalong? Ke ne ke sa tlhokafaleleng, fa ke sena go tsalwa? Ke ka ntlha ya eng fa ba mphara mangoleng, fa ba nkisa mabeleng, ba re ke anye? Gonne foo nka bo ke rapama jaanong, ke iketlile; foo nka bo ke robala, ke na le boikhutso. Foo nka bo ke na le dikgosi tsa lefatshe le banna ba lekgotla, ba ba tsositseng marope. Gongwe nka bo ke na le dikgosana tse di neng di tshotse gouta, tse di neng di tladitse matlo a tsona selefera. Gongwe nka bo ke se gona jaaka phetela e e fitlhilweng le jaaka bana ba ba sa boneng lesedi. Gona kwa baikepi ba khutla go tsosa modumo, teng kwa go ikhutsa ba ba feletsweng ke thata. Bagolegwi ba ikhutsa mmogo gona; lentswe la mogateledi ga ba le utlwe. Ba bannye le ba bagolo ba gona, ba a tshwana; motlhanka o gololesegile mo moreneng wa gagwe. Ke eng fa Modimo o naya mmogisegi lesedi, fa o naya ba ba nyemileng moko bophelo? Ke ba ba letang loso, mme ga ba lo bone; ba lo epa bogolo go dikhumo. Ke ba ba ka bong ba itumela, ba duduetsa, ba thaba, fa ba ka bona lebitla. Ke eng fa Modimo o naya monna bophelo, yo tsela ya gagwe e fitlhegileng, yo Modimo o mo thibeletseng phalolo mo ntlheng tsotlhe? Gonne ke tlelwa ke diphegelo boemong jwa dijo tsa me; go goa ga me go tswa jaaka metsi a elela. Fa ke boifa selo se a ntlela; se ke se tshogileng se a nkwela. Ga ke na kagiso, ga ke na boiketlo, ga ke na boikhutso; go tla matshwenyego fela.” Ke fa Elifase wa Themane a fetola a re: “A fa motho a leka go bua le wena, o tla kgopisega? Fela ke mang yo o ka kgonang go ithiba go bua? Kana ke wena o rutileng ba bantsi, wa tiisa diatla tse di repileng. Yo o kgopiwang, mafoko a gago a mo tsositse, wa nonotsha mangole a a kgwetlhang. Mme fa jaanong di wela wena, o nyema moko; fa di ama wena, o a tshoga. Poifo-Modimo ya gago a ga o e ikanye? Tsamao ya gago e e siameng a ga o e solofele? A ko o akanye: Ke mang yo o latlhegileng a se na molato? Ke bafe basiami ba ba nyeleditsweng? Ka fa ke bonyeng ka teng: Ba ba lemang boikepo le ba ba jwalang tatlhego ba roba tsona tseo. Ba latlhega ka pudulo ya Modimo; ba felelela ka phefo ya bogale jwa ona. Go duma ga tau le go rora ga tawana go a khutla; meno a ditawana a robegile. Tau e kgolo e a swa, fa e se na thopo; bana ba tau e namagadi ba a phatlalala. Lefoko le ntletse sephiring; tsebe ya me ya utlwa go sebasebelwa ga lone. E rile ke akanya dipono tsa bosigo, fa batho ba tshwerwe ke boroko jo bogolo, therego ya nkwela le go tetesela, ya roromisa marapo a me otlhe. Ke fa mowa o feta fa pele ga me, mmele wa me wa tlhonya. Wa ba wa ema, ke sa lemoge ponalo ya ona, mme e le sebopego sa mongwe yo o fa pele ga me; ka utlwa go sebaseba ga lentswe le le reng: ‘A motho o siame fa pele ga Modimo? Gongwe a monna o itshekile fa pele ga Mmopi wa gagwe? Bonang, ga o ikanye batlhanka ba ona; baengele ba ona o ba tshwaya phoso. Bogolo jang bone ba ba agileng mo matlong a letsopa, ba tlholego ya bone e leng mo loroleng, ba ba pšhwetlwang jaaka motoutwana? Le tlhaba ba le gona, le phirima ba remagantswe; ba latlhega ka bosakhutleng, ba sa tlhokomelwe ke ope. A ga ke re, fa dimapo tsa tente ya bone di somolwa, ba a swa, ba se na botlhale?’ “Goelela he! Re bone fa go na le yo o tla go arabang? O ka retologela kwa go ofe wa Baitshepi? Kana lesilo le bolawa ke go ngala; seeleele se swa ka lefufa la sona. Ke bonye lesilo le nama medi, ka tlhoboga lelapa la lone ka tshoganyetso. Bana ba lone ba se na lesego, ba gatelelwa mo lekgotleng ba se na mothusi. Tse ba di kotutseng di jewa ke yo o tlala, ee, di ntshiwa mo gare ga dikgora. Tatlhego e metsa khumo ya bone. Gonne tatlhego ga e tswe leroleng, pogisego ga e tlhoge fa fatshe. Nnyaa, ke motho yo o itsalelang pogisego jaaka ditlhase di fofela kwa godimo di tswa mo molelong. Mme nna nka bo ke batla thuso mo Modimong; nka bo ke begela Modimo kgang ya me; ona Modiri wa tse dikgolo tse di se nang tlhotlhomiso; wa tse di gakgamatsang tse di se nang palo: O o nesang pula mo fatsheng, o nosa dinaga ka metsi gore o godise ba babotlana thata, mme ba ba hutsafalang, ba bone pholoso e kgolo; o o senyang maano a balotsana, gore diatla tsa bone di se ka tsa kgona sepe; o o tshwarang batlhalefi ba ba boferefere gore maikaelelo a ba kgopo a senngwe ke bobebe jwa bone gore ba kgatlhane le lefifi bo ntse bo sele, ba apaape motshegare jaaka bosigo. Mme o pholosa mohumanegi mo tšhakeng e e tswang mo melomong ya bone le mo diatleng tsa yo o thata; ka moo yo mmotlana o ka bona tsholofelo, mme bokgopo bo tla ithiba molomo. Itse he: Go sego motho yo Modimo o mo kgalemelang! Ka moo se nyatse kotlo ya Mong-wa-thata-yotlhe! Gonne o a tle o tlhokofatse, mme o be o fape; o a tle o ntshe dintho, mme diatla tsa ona di be di fodise. O tla go pholosa mo ditlalelong tse thataro, ee, mo go tse supa ga go na botlhoko bope jo bo ka go amang: O tla go golola mo losong o le mo tlaleng le mo thateng ya tšhaka o le mo ntweng. Fa diteme di tlhaba, o tla bo o sireleditswe; ga o na go boifa fa tshenyo ya ntwa e tla. O tla tshega kgatelelo le ditlala, o sa ka ke wa boifa dibata tsa lefatshe. Gonne o na le kgolagano le matlapa a masimo; le dibata tsa dinaga di tla agisanya nao. O tla fitlhela lapa la gago le le kagisong; fa o tlhola naga ya gago ga o nke o tlhoka sepe. O tla bona bana ba gago ba ntsifala le ditlogolwana tsa gago di ata jaaka ditlhogi tsa naga. O tla tsena mo lebitleng o na le botsofe jo bo tletseng jaaka fa mabele a robiwa a budule. Bona, ke tse re di lemogileng. Di ntse jalo. Mme wena, o di utlwe, o di ele tlhoko!” Jobe ene a fetola a re: “Ao! Botlhoko jwa me bo ka bo bo elwa sentle. Ba ka bo ba baya tatlhego ya me yotlhe mo selekanyetsong. Kana foo e ka bo e le makete bogolo go motlhaba wa lewatle; ke ka moo ke gakiwang ke puo. Gonne metsu ya Mong-wa-thata-yotlhe e tsepame mo go nna, e botlhole jwa yona bo nowang ke mowa wa me. Ditheregiso tsa Modimo di a ntlhasela. A esele ya naga e ka lela e ntse e na le mafulo? Gongwe a kgomo e ka lela e ntse e jesiwa? A go jewa dijo tse di sa baloleng tse di sa lokwang? Gongwe a bosweu jwa lee bo na le monate? Tse mowa wa me o ganang go di ama di tshwana le dijo tse di ntenang. Ntlha nka bo ke tlelwa ke tse ke di batlang; Modimo wa nnaya tse ke di lelelang! Ao! Modimo e kete o ka bo o kgatlhwa ke go mpšhwetla. A o otlolole letsogo, o nkgaole! Foo nka bo ke sa ntse ke na le kgomotso; nka bo ke ipela ke le botlhokong jo bo se nang thekegelo. Gonne ga ke a itatola mafoko a Moitshepi. Ke eng se se ka nthatafatsang gore ke itshoke? Ke kae kwa nka isiwang teng gore ke se fele pelo? A thata ya me ke thata ya lefika? A mmele wa me ke wa tshipi? Nnyaya! Ga ke na go thusiwa ka sepe! Pholoso e lelekilwe mo go nna. Moitlhobogi o tshwanetswe ke lorato lwa mongwe-ka-ene, le fa a latlha go boifa Mong-wa-thata-yotlhe. Bomorwa-rre ba ntshwabisitse jaaka noka le jaaka meedi ya dinoka e e fetang ka pele, e e leng e mentsho ka dikgapetla, e semathana se iphitlhang mo go yona. E a re e fisiwa ke letsatsi, e nyelele; e re go le bolelo, e kgale mafelong a yona. Masomo a baeti a fapoga mo tseleng ya ona, a ya sekakeng, a latlhega. Masomo a baeti ba Thema a tlhola metsi; makoko a baeti ba Šeba a ikanya metsi. Mme tsholofelo ya bone e tlhabisiwa ditlhong; ba fitlha teng ba a swaba. Jaanong lo ntshwabisitse fela jalo; lo bona therego, mme lo a boifa. A nkile ka re: Mpheng, lo ntefele ka di-tsa-lona, lo mpholose mo diatleng tsa mmaba, lo nthekolole mo diatleng tsa barena ba ba peloethata? Nthuteng, ke tla didimala; lo ntemose fa ke fositseng teng! Mafoko a nnete a na le thata ruri, mme go kgalema ga lona go kgona eng? A lo rata go kgalemela mafoko fela, mme lo tseisa mafoko a mosolofologi phefo? Ee, lesiela le lone lo ka le tlhamela tengwa, lwa bapatsa tsala ya lona. Mme jaanong, a lo ko lo ntebe! Ruri, ga nkitla ke lo aketsa re lebaganye! Boang tlhe, a go se dirwe ka tshiamololo! Boang, go fa ke sa ntse ke le mo nneteng. A go na le tshiamololo mo lolemeng lwa me? Gongwe a magalapa a me ga a lemoge tse di isang mo tatlhegong? “Bophelo jwa motho fatsheng a ga se go tlhabana? Malatsi a gagwe a ga a tshwane le a motlhanka yo o sebeletsang tuelo ya letsatsi? Molala o lelela moriti; yo o sebeletsang tuelo o emela tuelo ya gagwe: Ke ruile jalo dikgwedi tse di swabisang, ka abelwa masigo a a lapisang. E re fa ke ya go robala, ke re: ‘Ke tla tsoga leng?’ Mme bosigo e nne jo boleele; ke lapisiwe ke go tlhobaela go ya bo be bo se. Mmele wa me o apere dibokwana le logogo lwa lorole; letlalo la me le thibala, le be le phanyega gape. Malatsi a me a potlaka bogolo go morutse wa mologi; a feta fela, ke sa bone se ke se solofetseng. Gopola, fa bophelo jwa me e le phefo fela; fa matlho a me a se kitla a bona tlhogonolo gape. Matlho a yo o mponang ga a nke a nteba; matlho a gago a tla mpatla, mme ke tla bo ke se yo. Leru le a tle le nyelele, le tsamae: Yo o fologetseng kwa felong ga baswi le ene o ntse jalo; ga a nke a tlhatloga gape. Ga a tlhole a boela mo lapeng la gagwe; felo ga gagwe ga go tlhole go mo itse. Le fa go ntse jalo ga nkitla ke ithiba molomo; fa mowa wa me o le tlalelong, ke tla bua; fa ke le botlhokong jo bo galakang ke tla lela. A ke lewatle gongwe leruarua la lewatle, fa o mpeela balebeledi ba ba ntisang? Fa ke re: ‘Bolao jwa me bo tla nkgomotsa, marobalo a me a tla nthusa go itshoka tlalelong ya me,’ foo o ntshose ka ditoro o ntheregise ka dipono, mo ke bileng ka rata go betwa le go swa bogolo go pogisego ya me. Ke nyatsa bophelo jwa me! A nke ke se phele jalo ka bosakhutleng! Ntese! Kana malatsi a me ke phefo fela. Motho ke eng, fa o mo kaya yo mogolo, fa pelo ya gago e mo ela tlhoko? Fa o mo tlhola mo mosong mongwe le mongwe, fa o mo leka ka nako le nako? Ke sebaka se se kana kang o sa mphapose matlho, o sa mphe boikhutso go ka metsa mathe? Fa ke leofile, wena modisa wa batho, ke go senyeditseng? Ke ka ntlha ya eng, fa o mpeile gore o ntlhasele, fa ke le morwalo o o ikimelang? Ke ka ntlha ya eng, fa o sa itshwarele boleo jwa me, fa o sa phimole molato wa me? Gonne jaanong ke tla robala loroleng; o tla mpatla, mme ke tla bo ke se teng.” Ga fetola Biletate wa Sua a re: “O tla khutla leng go bua tse di ntseng jalo, mafoko a molomo wa gago e ntse e le phefo e kgolo fela? A Modimo o ka kgopamisa katlholo? Gongwe a Mong-wa-thata-yotlhe o ka sokamisa tshiamo? Fa bana ba gago ba ne ba mo leofetse, a ba neela mo petsong ya boleo jwa bone. Mme fa wena o batla Modimo, o kopa bopelotlhomogi mo go Mong-wa-thata-yotlhe fa o se na molato, o le yo o siameng: Ee, foo o tla go ngoka gape, a go busetsa tlhogonolo ya lapa la gago. Foo tlhogonolo ya ntlha ya gago e tla bonala, e ne e le nnyane, mme tlhogonolo ya morago e tla nna e kgolo thata. Ee, a ko o botse batho ba kgale, o ele tlhoko se borraabo ba se tlhotlhomisitseng! Gonne rona re ba maabane, ga re itse sepe; malatsi a rona fatsheng ke moriti fela. A ga ke re, bone ba tla go ruta, ba go bolelela, ba go ntshetsa mafoko ka fa kitsong ya dipelo tsa bone? Ba re: A lotlhaka lo ka gola fa go se nang bokgola? A motlhatlha o ka gola, o se na metsi? Fa e le gona lo tlhogang, lo ise lo butswe go ka segwa, lo tla swaba pele ga bojang jotlhe. Ke yona tsela ya botlhe ba ba lebalang Modimo, mme tsholofelo ya moikepi e a nyelela. O ikgantsha ka tse di nyelelang; tse a di ikanyang ke bobi jwa segokgo fela. O ikaega ka ntlo ya gagwe, mme ga e nke e ema; o itshwarelela mo go yona, mme ga se e e tlhomameng. O gola sentle a tletse matute, le fa go le letsatsi; matlhogela a gagwe a farafara tshimo ya gagwe. Medi ya gagwe e raraana mo mokoeng wa matlapa; e itshwarelela mo gare ga mafika. Mme fa a kumolwa mo felong ga gagwe, gona go tla mo latola go re: ‘Ga ke ise nke ke go bone.’ Bona, ke jona boitumelo jwa bophelo jwa gagwe, mme yo mongwe o tla tlhoga loroleng. Bona, Jobe! Modimo ga o latlhe yo o o boifang, mme ga o eme basenyi nokeng. Molomo wa gago o tla o tlatsa setshego gape le legano la gago tuduetso. Ba ba go tlhoileng ba tla apara tsa ditlhong; lelapa la baikepi ga le nke le tlhola le nna teng.” Jobe a fetola a re: “Ke nnete. Ke a itse gore go ntse jalo. Motho o ka nna jang mosiami fa pele ga Modimo? Fa a rata go ganetsanya naô, a ka palelwa le ke go o araba potso e le nngwe fela mo go di le sekete. Modimo o pelo-e-botlhale, o thata nonofong. Ke mang yo o kileng a o ganetsa, a se ka a bona petso? Dithaba o a di sutisa, go sa lemogiwe; o di ribegetsa ka bogale jwa ona. Lefatshe o a le roromisa, le tswe mo felong ga lone; maotwana a lone a be a reketle. Letsatsi o a le laela, mme le se ke le tlhabe; dinaledi o a di bipa, di se ke di bonale. Legodimo o le tsharolola o le osi, o gate mo godimo ga dintelo tsa lewatle. O dirile dinaledi tsa ‘Bere e kgolo’ le tsa ‘Dikolobe’ le tsa ‘Selemela’ le tsa ‘Sefapaano’ kwa ntlheng ya borwa. O dira tse dikgolo tse di se nang botlhotlhomiso le dikgakgamatso tse di se nang palo. Bonang! O a mpheta, ke sa o bone; o a tlhaga, ke sa o lemoge. Bonang, fa o amoga, o ka thibelwa ke mang? Ke mang yo o ka o botsang a re: ‘O dira eng?’ Modimo ga o buse bogale jwa ona; bathusi ba kgogela tlholegong ba ne ba o ikokobeletsa. Jaanong nna ke mang yo nka o fetolang? Nka tlhopha jang mafoko a a o tshwanetseng? Le fa nka bo ke le yo o siameng, ga ke na go o araba. Ke na le go kopa bopelotlhomogi mo go Moatlhodi wa me. Fa ke o bitsa, o sa nkarabe, ga ke dumele gore o tla reetsa lentswe la me. Kana o ka mpšhwetla ka ledimo, wa ntsifatsa dintho tsa me ka bomo. Ga o ke o mpha nako ya go ka busa mowa, mme o nkgorisa matlhoko a a galakang. Fa go lebilwe thata ya yo o tiileng, ona o na nayo. Fa go lebilwe tshiamo, ke mang yo o ka biletsang ona tshekong? Le fa nka bo ke le yo o siameng, molomo wa me o ka bo o nkatlhola ke le moikepi; le fa ke se na molato, ona o ka mpona molato. Ga ke na molato! Mme ga ke tlhole ke ikitse. Bophelo jwa me ke a bo nyatsa. Go tshwana fela! Ke ka moo ke reng: Ona o fedisa mosiami jaaka moikepi. Fa kotlo ya Modimo e bolaya ka tshoganyetso, o tshege tsholofologo ya ba ba se nang molato. Lefatshe o le neetse mo diatleng tsa moikepi; o bipa difatlhego tsa baatlhodi ba lone. Fa e se ona, go dira mang? Malatsi a me a fetile ka lobelo lwa go sia motabogi; a tshabile a ise a bone tse di molemo. A ile ka bobebe jwa mekoro ya lotlhaka jaaka fa lenong le fologela kwa dijong. Fa nka re: ‘A nke ke lebale selelo sa me, ke fetoge sefatlhego se se tlhontseng, e nne se se thabileng;’ ke gona ke tshogang matlhoko a me otlhe. Ke a itse gore ga o nke o nkaya yo o se nang molato. Ke tshwanetse ka bo ke le molato. Ke itapisa felafela ka lebaka la eng? Le fa ke le yo o tlhapang ka semathana; le fa ke tlhapa diatla ka molora: Wena o tla ntatlhela seretseng gore ke tene diaparo tsa me. Gonne ona ga se motho ka nna yo nka mo fetolang, yo nka yang nae kwa tshekong. Ga go motsereganyi fa gare ga rona yo o ka bayang seatla sa gagwe mo go ona le mo go nna. A o tlose thupa ya ona mo go nna! Theregiso ya ona a e se ka ya ntshosa! Foo nka bo ke bua, ke sa o boife; kana maikutlo a me a tletse poifo. “Bophelo jwa me bo a ntena. Ke tla ntsha selelo sa me. Ke tla bua ke le botlhokong jo bo galakang, ke raya Modimo ke re: Se nkatlhole wa re, ke moikepi; nkitsise se se go losang le nna. A go molemo mo go wena, fa o dira tsa kgatelelo, fa o latlha yo diatla tsa gago di mo dirileng, fa o kgatlhwa ke maano a baikepi? A matlho a gago ke a nama? Gongwe a o bona jaaka motho a bona? A malatsi a gago a tshwana le malatsi a motho? Gongwe a dinyaga tsa gago di tshwana le malatsi a monna? Ke go reng, fa o batla molato mo go nna, fa o latelela sebe sa me? Etswe o ntse o itse, fa ke se na molato, e bile go se na ope yo o ka pholosang mo diatleng tsa gago. Diatla tsa gago di mpopile, di ntirile ka botswerere gotlhe! A o batla go nnyeletsa? A ko o gopole gore o mpopile jaaka letsopa! Jaanong a o mpusetsa loroleng? A ga o a ntshela jaaka mašwi, wa nthemisa jaaka madila a a loileng? Wa nkapesa letlalo le nama, wa ntshwaraganya ka marapo le mesifa. O mphile bophelo, wa nthata, wa mpolokela mowa ka go mpabalela. Mme tse o neng o di fitlhile mo pelong ya gago – jaanong ke itse boikaelelo jwa gago – ke tse: Fa nka leofa, o tla nkela tlhoko; ga o kitla o nkgolola molatong. Fa nka ikepa, a tatlhego ya me wee! Le fa ke le yo o siameng, ga ke na go tsholetsa tlhogo ka ntlha ya go kgora tsa ditlhong le go bona pogisego ya me. Fa tlhogo e ka bo e itsosa, o ka bo o ntsoma jaaka tau, o ntse o ntemosa thata ya gago e e gakgamatsang. O ka bo o ntebaganya le basupi ba bašwa, o godisa go nkgalefela ga gago, o ntse o ntlhasela ka mephato e mešwa. O nntsheditseng mo mmeleng wa ga mme? E kete nka bo ke sule ke ise ke bonwe ke leitlho la motho. Foo nka bo ke tshwana le yo o iseng a nne teng; nka bo ke isitswe kwa lebitleng fela ka nako e ke duleng mo popelong ka yona. Malatsi a me a ga a mannye? A Modimo o khutle, a o ntese, ke tle ke phuthologe go le gonnye! Ke ise ke ye kwa fatsheng la lefifi la moriti wa loso, kwa ke sa tlholeng ke ka boa teng kwa lefatsheng le lentsho la lefifi la moriti wa loso le le se nang thulaganyo; kwa bosigogare bo bidiwang lesedi.” Ga fetola Sofare wa Naama a re: “A bontsi jwa mafoko bo na le go tlhoka karabo? Gongwe a mmalabadi o mo nneteng? A maithamako a gago a ka didimatsa banna? A o ka sotla go se yo o go tlhabisang ditlhong? Kana o rile: ‘Thuto ya me ke e e phepa. Ke itshekile mo matlhong a gago!’ E kete Modimo o ka bo o bua, wa bo o bula molomo, o go bolelela; o ka bo o go itsise diphiri tsa botlhale, fa bo gaisa kitso gabedi. Foo o ka bo o itse gore Modimo o itebatsa molato mongwe wa gago. A o ka itse tse Modimo o di itseng? A o ka bona kitso e e tletseng ya Mong-wa-thata-yotlhe? E kwa godimo mo legodimong, ò ka kgona eng? E kwa tlase mo felong ga baswi, wena o itseng? Seelo sa yona se seleele bogolo go lefatshe, se atlhame bogolo go lewatle. Fa ona o tlhaga o go tshwara, o go biletsa kwa tshekong, yo o ka o thibelang ke mang? Gonne balotsana ona o a ba itse; bokgopo o a bo bona, le fa e kete ga o bo tlhokomele. A le seeleele se ka tlhalefa? A eselana ya nageng e ka fetoga motho? Fa wena o baakanya pelo ya gago, fa o o tsholeletsa diatla, fa diatla tsa gago di na le bokgopo, bo tlose! A tshiamololo e se nne mo lapeng la ga eno! Ee, foo sefatlhego sa gago o tla se tsholetsa o se na molato; o tla bo o tlhomame o sa boife sepe. Ee, foo o tla lebala tapisego; fa o e gopola e tla tshwana le metsi a a fetileng. O tla selwa ke bophelo go phala lesedi la motshegare. Fa go fifala, go tla tshwana fela le fa bo sa. O tla gomotsega, gonne o na le tse o di solofelang; le fa o ka gadima, gongwe wa okomela, o tla robala o le mo tshireletsong. O tla lala go se yo o go tshosang. Ba bantsi ba tla eletsa go go kgatlha. Mme matlho a baikepi a tla swaba. Botshabelo bo ba senyegetse. Se se ba saletseng ke go ntsha mowa wa bofelo.” Jobe a fetola a re: “Ee ruri, batho ke lona; botlhale bo tla swa le lona. Le nna ke na le tlhaloganyo jaaka lona; ga lo mphale. Ke mang yo o sa itseng tse di ntseng jalo? Ke fetogile yo o sotlwang ke mongwe-ka-ene, ke le yo o rapetseng Modimo, wa ba wa nkutlwa; go sotlega mosiami yo o se nang molato. Yo o phelang monate a re: Nyatso e tshwanela ba ba mo tatlhegong; ba dinao tse di relelang a ba kgopisiwe! Kagiso e mo malapeng a ba ba gatelelang. Ba ba gakatsang Modimo ba thagame ba re: Modimo re a o laola. Mme a ko o botse diphologolo gore di go rute, le dinonyane tsa loapi gore di go itsise. Gongwe bua le lefatshe gore le go rute, a ditlhapi tsa lewatle di go bolelele! Ke mang yo o sa lemogeng ka tsotlhe tse, fa seatla sa Morena se di dirile? Kana bophelo jwa tse di phelang tsotlhe le mewa ya mebele ya batho botlhe di mo seatleng sa gagwe. A ga se tshwanelo ya tsebe go tlhatlhoba mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo? Ga twe: Botlhale bo mo go ba ba tlhogo-di-pududu. Bontsi jwa malatsi bo tlisa tlhaloganyo. Nnyaya! Botlhale le bonatla di mo go ona; ke ona o o nang le maano le temogo. Ruri, ona o a rutla, mme ga go yo o ka tsosang; o tswalela motho, go se yo o ka mmulelang. Bonang, fa o thibela pula, metsi a a tšha; mme fa o ka e nesa, a gogola naga. O na le thata le temogo. Motimedi ke wa ona fela jaaka motimetsi. Banna ba lekgotla o ba isa botshwarong ka dinao di sa rwala; o silofatsa baatlhodi. O bofolola dikgole tse dikgosi di bofang ka tsona; o di golega matheka ka kgole. Baperesiti o ba isa botshwarong ka dinao di sa rwala; o diga ditshika tsa kgale. Ba ba ikanyegang o ba tima puo; o amoga banna bagolo temogo. O goromeletsa nyatsego mo batlotleging; o repisa meitlamo ya ba ba thata. Madiba a lefifi o a a senola; lefifi le lentsho o le ntshetsa leseding. O godisa ditšhaba, le gona o a di nyeletsa; o anamisa ditšhaba, o bo o di tlose. O amoga ditlhogo tsa batho ba lefatshe tlhaloganyo; o ba kgarakgatsha sekakeng mo go se nang tsela. Ba apaapa mo fifing fa go seng lesedi; o ba theekedisa jaaka matagwa. “Ruri, tsotlhe tseo matlho a me a di bonye, ditsebe tsa me tsa di utlwa, tsa di tlhaloganya. Le nna ke di itse jaaka lona, mme ga lo mphale. Mme nna ke rata go bua le Mong-wa-thata-yotlhe; ke eletsa go sekisanya le Modimo. Lona lo babipi ba maaka, lotlhe lo dingaka tse e seng tsona. Ao! Fa lo ka bo lo didimala, lo ka bo lo kaiwa batlhalefi. Utlwang tlhe boikarabelo jwa me, lo tlhokomele go itwela ga molomo wa me. A lo a re, lo direla Modimo ka go bua tse di sokameng? A lo o emela ka go bua tsa tsietso? Gongwe a lo goga le ona? Kampo a lo a re, lo lwela Modimo? A lo tla tswa sentle, fa o lo sekisa? A lo a re, lo ka o tsietsa jaaka go tsiediwa motho? Nnyaya! O tla lo otla ruri, fa lo gobelelela mongwe mo sephiring. Bogolo jwa ona a ga bo kitla bo lo wela? Poitshego ya ona a ga e kitla e lo tshosa? Tse lo di nkgakololang ke diane tsa molora; mabaka a lona ke mabaka a letsopa fela. Didimalang, lo nte ke bue, le fa ke dirafalelwa ke eng! Ke leka go ipoloka ka go itsenya mo kotsing. Bonang, o ka mpolaya, ga ke na tsholofelo; fela ditsela tsa me ke tla di ikarabela fa pele ga ona. Le gona moo e tla nna pholoso ya me; gonne molotsana ga a tle fa pele ga ona. Utlwang mafoko a me sentle, a tlhaloso ya me e lo tsene ditsebeng! Bonang tlhe, ke rulagantse mafoko a tsheko; ke a itse, fa ke tla tswa ke se na molato. Ke mang yo o ka mponang molato? Gonne fa a ka nna teng, ke tla didimala, ke swa. Fela dilo di le pedi se di ntirele; foo ga nkitla ke iphitlha fa pele ga gago: Ka re: A seatla sa gago se se ka sa nkimela! A theregiso ya gago e se ka ya ntshosa! Ke gona o ka ntshekisang, ke tla araba; gongwe ke tla bua, mme o mphetole! Ke na le ditshiamololo le dibe di le kae? Nkitsise tlolo ya me le boleo jwa me! O fitlhelang sefatlhego sa gago? O nkaya mmaba wa gago ka lebaka la eng? A o a re, o tshosa letlhare le le fokwang ke phefo? A o latelela dirite tse di omeletseng? Mo o mpolaisang tse di galakang, o nthwesa dibe tsa bokau jwa me; mo dinao tsa me o di bofelelang mo koteng, o tlhola tsela tsotlhe tsa me; mo o nthalelang mothalo mo tikologong ya pato tsa dinao tsa me ke le yo o nyelelang jaaka tse di bodileng le jaaka seaparo se se jewang ke motoutwana. “Motho, ngwana wa mosadi, ke wa malatsi a se kae o kgora matshwenyego. O tlhoga jaaka sethunya, a ba a swaba; o tshaba jaaka moriti, ga a na tlhomamo. Mme le fa e le yo o ntseng jalo o mmudulogetse matlho; o nkisa tshekong fa pele ga gago. Ao! Go ka bo go tswa yo o phepa mo go ba ba sa itshekang! Mme ga a yo, le e seng a le mongwe. E re ka malatsi a gagwe a beilwe, ka o badile dikgwedi tsa gagwe, ka o dirile melelwane e a sa ka keng a e tlola, faposa matlho mo go ene gore a ikhutse go fitlhelela a thabele letsatsi la gagwe jaaka yo o direlang tuelo ya letsatsi. Gonne setlhare se na le tsholofelo; le fa se ka rengwa, se tla tlhoga gape; matlhogela a sona ga a tlhokafale. Le fa modi wa sona o onala mo lefatsheng, le fa kutu ya sona e swela mo leroleng, fa se utlwa monko wa metsi se tla tlhoga gape, se ntsha dikala jaaka se se tlhomilweng. Mme fa monna a swa, o feleletse; fa motho a tlhokafetse, o ka tlhola a nna kae? Metsi a fela mo letsheng; noka e a tšha e kgale: Motho o robala jalo, a se ke a tlhole a tsoga; ga ba thanye, ga ba tsosiwe mo borokong jwa bone go fitlhelela legodimo le khutle go nna teng. Ao! Ga o mpolokeleng mo felong ga baswi wa mphitlha teng go fitlhelela bogale jwa gago bo time; e kete o ka mpeela sebaka se o tla nkgopolang ka sona. Fa monna yo o swang a ne a ka phela gape, foo nka bo ke itshoka ka malatsi otlhe a kampano ya me go tsamaya kgololo ya me e be e tle! O ne o tla mpitsa, mme ke go arabe; o ka bo o tlhologelelwa sebopiwa sa seatla sa gago. Foo o ne o tla bala dikgato tsa me, mme o se ke o tlhokomele sebe sa me. Boleo jwa me bo ka bo bo tswaletswe kgetsaneng; molato wa me o ka bo o o bipile. Mme thaba le yona, fa e wa, e a phatlakanngwa; le lentswe le ka suta mo felong ga lone. Metsi a gotlha mafika, merwalela ya ona a gogola mmu wa lefatshe: Le tsholofelo ya motho o a e nyeletsa jalo. O mo gatelela ka bosakhutleng, mme o a nyelela; o fetola sefatlhego sa gagwe, o mo naya tsela. Fa bana ba gagwe ba tlotlega, ene ga a itse; fa e le ba ba nyatsegang, ga a ba tlhokomele. Mmele wa gagwe o utlwa botlhoko fela, fa o sa ntse o phela; mowa wa gagwe o hutsafala fela o sa ntse o le mo nameng.” Ke fa Elifase wa Themane a fetola a re: “A motlhalefi o ka araba ka kitso e e leng phefo fela, a tlatsa mpa ya gagwe phefo ya botlhabatsatsi, e le go ikarabela ka mafoko a a se nang mosola le ka dipuo tse di sa thuseng sepe? Ee, wena o senya poifo-Modimo, o ngotla tshisimogo fa pele ga Modimo. Gonne molomo wa gago o buisiwa ke molato wa gago; o itlhophela puo ya maferefere. Ga se nna ke go sekisang, o sekisiwa ke molomo wa gago; mafoko a gago a supa ka ga gago. A ke wena motho wa ntlha yo o tsetsweng? A o tlholegile pele ga dithabana? A o ne o reeditse mo lekgotleng la Modimo? A o iphamoletse botlhale? O itse eng se rona re sa se itseng? A o lemogile sengwe se rona re iseng re se lemoge? Ba ba tlhogo-di-pududu le batsofe le rona re na nabo; ke ba malatsi a mantsi bogolo go rraago. Dikgomotso tsa Modimo a o a di galala, e bong lefoko le le builweng le wena ka bonolo? O betelwang ke pelo? Ke eng, fa o gwetola matlho? Kana o losa mowa wa gago le Modimo, fa o ntsha mafoko a a ntseng jalo mo molomong wa gago! Motho ke eng? A e ka nna yo o itshekileng? A ngwana wa mosadi e ka nna yo o siameng? Bonang, baitshepi ba ona ga o ba ikanye; le legodimo ga le a itsheka mo matlhong a ona, bogolo jang motho yo o maila yo o senyegileng, yo o nwang bokgopo jaaka metsi! Ke tla go ruta, ntheetse; ke tla bolela tse ke di bonyeng, tse batlhalefi ba di bolelang, tse borraabo ba sa di ba lobelang. Ke ba ba neng ba neilwe lefatshe ba le nosi, moeng a sa ba ralale: Ba re: Moikepi o mo poifong ka malatsi otlhe fela, jaaka morena yo o pelompe ka dinyaga tsotlhe tse o di beetsweng. Medumo ya matshogo e duma mo tsebeng tsa gagwe; e a re a le kagisong, a welwe ke mogateledi. Ga a solofele go ka boa mo lefifing; o atlholetswe go bolawa ka tšhaka. O kgarakgatshega go batla dijo. Di kwa kae? O a itse, fa letsatsi la tatlhego le etleeditswe le le gaufi nae. Tlalelo le pitlaganyo di mo tshosa di mo wela jaaka go tshosa kgosi e e bolotseng go tlhasela. Ke ka gonne o otlololetse Modimo letsogo go lwa nao, a ikgantshetsa Mong-wa-thata-yotlhe. A o tlhasela ka thamo e e gagametseng le ka bontsi jwa dithebe tsa gagwe. Gonne o sirilwe matlho ke go nona, a akola mafura diropeng, a nna mo metseng e e sentsweng le mo matlong, a ba a ileditsweng a a atlholetsweng go nna matlotla. Ga a kitla a huma; tse o nang natso ga se tse di tlhomameng; di tshwana le diako tse di sa obegeleng fa fatshe. Ga a kitla a falola mo fifing; bolelo bo tla swabisa matlhogela a gagwe; o tla nyelela ka pudulo ya molomo wa ona. A a se ka a ikanya boithamako, o a itsietsa; gonne tuelo ya gagwe e tla nna boithamako. Go tla dirafala jalo letsatsi la gagwe le ise le tle; kala ya mokolane wa gagwe ga e tlhoge. O tla diga maungo a a iseng a butswe jaaka moweine; a tlhotlhora dithunya tsa gagwe jaaka setlhare sa olefa. Gonne lekoko la balotsana ke la baopa; molelo o tla fisa malapa a ba ba amogelang neo e e faposang tshiamo. Ba ithwala tapisego, ba tsala tatlhego; teng ya bone e etleetsa tsietso.” Jobe a fetola a re: “Mafoko a mofuta oo ke a utlwile gantsi; lo bagomotsi ba lo tenang motho, lona lotlhe. Mafoko a e leng diphefo fela a a feleletse? Gongwe o tlhotlhelediwa ke eng, fa ò fetola? Le nna nka bo ke itse go bua jaaka lona, fa lona lo ka bo lo le mo boemong jwa me; ke ne ke tla lo rulaganyetsa mafoko sentle le go lo thukhuthela tlhogo. Nka bo ke lo nonotsha ka molomo wa me; kutlwelo-botlhoko ya mafoko a me e ka bo e kokobetsa tlalelo ya lona. Le fa nka bua, botlhoko jwa me ga bo kokobele; fa ke didimala, ke tlogelwa ke eng? Ruri, jaanong ona o ntapisitse. Wena Modimo, o ntshenyetsa ba ga etsho botlhe, o a ntshwara; botlhoko jwa me ke mosupi; bo ntsogetse, jwa mpaya molato bo lebaganye le nna. Bogale jwa ona bo nkgagotse le go ntwantsha; ona wa nkhuranyetsa meno; montsogedi a nkgwetolela matlho. Ba nkatlhamolosetsa melomo, ba ntitaya marameng ka kgobo, ba nkgobokanela go lwa le nna. Modimo o nneetse ba ba sokameng, wa ntatlhela diatleng tsa baikepi. Ke ne ke le boiketlong, mme wa nthobaganya; wa ntshwara mo thamong, wa mpšhwetlakanya; wa ntira sekonopiwa sa ona. Metsu ya ona e mpharafere mo ntlheng tsotlhe; o mphatlola pelo o sa rekegele; santlhokwe wa me o o tshololela fa fatshe. O phunyaphunya mmele wa me jaaka fa go phunngwa lobota; o ntlhasela jaaka seganka. Lesela la bohutsana ke le rokeletse mo letlalong la me; lonaka lwa me ka lo latlhela loroleng. Matlho a me a hubitse ka go lela; lefifi le lentsho le mo dintshing tsa matlho a me; e tswe go se na bokgopo mo diatleng tsa me le thapelo ya me e le phepa. Wena lefatshe, se khurumetse madi a me! A go goa ga me go se bone boikhutso! Le jaanong, bonang, mosupi wa me o kwa legodimong; ee, moemedi wa me o kwa godimodimo! Ditsala tsa me di a ntshotla, mme matlho a me a rothela dikeledi Modimong gore o fedise kgang ya monna le Modimo le ya morwa motho le tsala ya gagwe. Gonne go setse dinyaga di se kae, mme ke tla wela mo tseleng, ke sa boe. “Mowa wa me o a fela, malatsi a me a a tima; ke lebitla fela le le ntshaletseng. Ruri, ditshotlo ke kabelo ya me; matlho a me a lala a ledisiwa ke dikomano tsa bone. A ko o mpeele, o nkemele mo go wena! Yo mongwe kana ga a teng yo o ka nkemelang! O subetse pelo tsa bone tlhaloganyo; ka moo ga o kitla o ba naya phenyo. Yo o batlang kabelo ka go eka ba ga gabo, bana ba gagwe ba tla rotola matlho. Nna o ntirile seane sa batho; ke fetogile yo o kgwelwang mathe mo sefatlhegong. Matlho a me a fifetse ka botlhoko; ditokololo tsa me tsotlhe di tshwana le moriti fela. Ka ntlha ya tseo go rerega ba e leng ba nnete; ba ba se nang molato ba tsogela baikepi. Mme mosiami o tla sala mo tseleng ya gagwe; yo o diatla di phepa o tla nna a tiela pele. Mme lona lotlhe, a ko lo tle gape; fela ga nka ke ka bona yo o botlhale mo go lona. Malatsi a me a fetile. Maano a me a senyegile a pelo ya me e a tlhoafaletseng. Bosigo ba bo dira motshegare ba re: ‘Lesedi le gaufi, le fa go ntse go le lefifi fela.’ Ke letile felo ga baswi ka re, ke ntlo ya me; bolao jwa me ke bo ala mo lefifing. Ke raya phupu ke re: ‘O rre’; le diboko, ke re: ‘Lo mme’ le ‘kgaitsadiake.’ Tse ke di lebeletseng di kae? Tse ke di solofelang di bonwa ke mang? Di fologela dikgorong tsa felo ga baswi, fa go robetswe mmogo leroleng.” Ga fetola Biletate wa Sua a re: “O tla fetsa leng go buabua? Ikakanye pele, nte go bue rona! Ke ka ntlha ya eng, fa re kaiwa jaaka kgomo fela, fa re le dieleele mo matlhong a lona? Fa o ikgarolaka mo bogaleng jwa gago: A lefatshe le tla tlogelwa ka lebaka la gago? A lefika le ka suta mo mannong a lone? Nnyaya! Lesedi la moikepi le tla tima; kgabo ya molelo wa gagwe ga e bonese. Lesedi la lelapa la gagwe le a fifala; lobone lwa gagwe lo tima godimo ga gagwe. Dikgato tsa go gwanta ga gagwe di tla koafala, mme maano a gagwe a tla mo diga. Gonne o isiwa letloeng ke maoto a gagwe; o itsamaela mo godimo ga digopo. Mutlwane o mo tshwara seretheng; seru se a mmofa. Segole o se thaetswe ka mo mmung; le gona o thaiwa mo tseleng. Ditherego di mo tshosa mo ntlheng tsotlhe; di mo tebela di ntse di mo setse morago. Tatlhego e mo meletsa mathe; kotsi e baakantswe go mo diga. Motsalwapele wa loso o tla ja dibatanyana tsa letlalo la gagwe; o tla ja ditokololo tsa gagwe. O tla kumolwa mo lapeng la gagwe le a neng a le ikanya; o tla isiwa kwa kgosing ya ditherego. Dilo tse e seng tsa gagwe di tla nna mo lapeng la gagwe; go tla gasiwa sebabole mo nageng ya gagwe. Go tla omelela medi ya gagwe ka kwa tlase; dikala tsa gagwe di tla swaba kwa godimo. Ga a tlhole a gopolwa mo fatsheng; ga a na leina le le umakwang mo mebileng. Ba mo ntsha mo leseding, ba mo kobela kwa lefifing; ba mo leleka mo lefatsheng. Ga a na ngwana, le fa e le setlogolo mo morafeng wa ga gabo; ga a na lesalela fa a neng a phela teng. Ka ntlha ya letsatsi la tatlhego ya gagwe go tla rerega ba bophirimatsatsi, le ba botlhabatsatsi ba tshwarwa ke letshogo. Ee, ke tsona tseo fela tse di dirafalelang malapa a basenyi; ke tsa ga gabo yo o sa itseng Modimo.” Jobe a fetola a re: “Lo tla ntlhokofatsa pelo le go nthubaganya ka dipuo sebaka se se kana kang? Lo nkgobile e setse e le la bosome, lwa ntirela ka setlhogo lo sa tlhajwe ke ditlhong. Le fa ka gongwe ke fositse tota, gona phoso ya me e tla sala le nna. Fa lo rata tota go ikgodisa le go nnyatsa le go supa molato wa nyatsego ya me, foo itseng gore ke siamololelwa ke Modimo, mme o ntharile ka letloa la ona. Bonang, ke goa ke re: ‘Ke a gatelelwa!’ Mme ga ke utlwiwe; ke lelela thuso, mme tshiamo ga e teng. Morena o thibile tsela ya me, mme ke palelwa ke go feta; le ditselana tsa me o adile lefifi mo go tsona. O nkapotse tlotlo ya me; serwalo sa me sa bogosi o se nkamogile. O nthutlile gotlhegotlhe, ke a tloga; o kumotse tsholofelo ya me jaaka setlhare. Bogale jwa gagwe o bo ntukisetsa, o nkaya mmaba wa gagwe. Mephato ya gagwe ya tla mmogo, e ikatela tsela ya go nkwela, e ntikanyetsa ka go thibelela. O nkatogantse thata le bana ba ga rre; ba ke ne ke tlwaelanye nabo, ba ipaya ba ba sa nkitseng. Ba losika lwa ga etsho ba a ntshaba; ba ba neng ba nkitse ba ntebetse. Ba lelapa la me le malata a me ba ntebile jaaka moeng; ke o sele mo matlhong a bone. Motlhanka wa me, fa ke mmitsa, ga a arabe; ke na le go mo kokotlela ka molomo wa me. Mowa wa me o nkgela mosadi wa me; bomorwa-rre ba re, ke a nkga. Le basimanyana ba a nnyatsa; fa ke re ke a nanoga, ba a ntshotla. Ke maila mo go botlhe ba ke neng ke ba ikanya; bao ke ba ratileng ba mphetogetse baba. Marapo a me a ngaparetse letlalo la me; ke phologile fela ka mahinini a meno a me. Ntlhomogeleng pelo! Ntlhomogeleng pelo! Lona ditsala tsa me; gonne seatla sa Modimo se nkotlile. Ke go reng, fa lo ntlhorisa jaaka Modimo, lo sa kgore tshenyego ya nama ya me? Ao! A go kwalwe tseo tse ke di buileng! A di kwalwe lokwalong! A di gwaiwe mo lefikeng ka sethadi sa tshipi le ka llota gore di nnele ruri. Mme nna ke a itse gore Mogolodi wa me o a phela; ke ene yo o nnelang ruri, o tla ema mo godimo ga lorole. Mme ke tla bona Modimo, ke se na letlalo le le sentsweng ke dilo tseo, ke se na nama ya me. Ona ke tla o bona e le mothusi wa me, matlho a me a tla o bona, e seng o sele; ke seo pelo ya me e se tlhologeletsweng mo go nna. Fa lo re, re tla mo latelela thata, re bona molato wa dipogo mo go ene, gona lo boife tšhaka ka losi; gonne letlhoo ke mongwe wa melato e e atlholelwang tšhaka gore lo tle lo itse, fa moatlhodi a le teng.” Ga fetola Sofare wa Naama a re: “Ke ka moo ke arabisiwang ke dikakanyo tsa me; ka lebaka leo maikutlo a me a a mpotlakisa. Ke utlwile kgalemelo e e nkgopisang; ke na le temogo mo moweng wa me e e nkarabisang. A ga ke re, o itse tsa bogologolo, tsa go tloga kgale, fa go tlholwa batho mo fatsheng? Tse di reng: Moduduetso wa baikepi o mokhutshwanyane fela; boitumelo jwa ba ba pelompe ke jwa sebakanyana fela. Le fa boikgantsho jwa moikepi bo ka tlhatlogela kwa legodimong, le fa tlhogo ya gagwe e ka ama maru, o tla nyelelela ruri jaaka mantle a gagwe; ba ba kileng ba mmona ba tla re: ‘O fa kae?’ O tla timela jaaka toro a sa tlhole a ka bonwa; o tla kobiwa jaaka pono ya bosigo. Leitlho le le kileng la mmona ga le tlhole le mmona; le felo ga gagwe ga go tlhole go mmona. Bana ba gagwe ba tshwanetse go thabisa ba ba humanegileng; diatla tsa bone di na le go busa tse o di thukhuthileng. Le fa marapo a gagwe a tletse thata ya bokau jwa gagwe, e tla lala nae loroleng. Le fa bosula bo mo natefetse leganong, a bo fitlha ka fa tlase ga loleme lwa gagwe; le fa a bo boloka, a sa rate go bo lesa a bo tshotse mo magalapeng a gagwe. Dijo tsa gagwe di tla fetoga di le mo maleng a gagwe; e nna botlhole jwa mabolobolo ka mo teng ga gagwe. Dikhumo tseo o di meditseng o tla di tlhatsa gape; Modimo o tla di gelola mo mpeng ya gagwe. Botlhole jwa mabolobolo o a bo anya; loleme lwa noga lo a mmolaya. Ga a nke a thaba ka go bona dinokana le dinoka tsa mafura a dinotshe le tsa mašwi a a themileng. Tse o di itiretseng o a di ntsha gape, a ise a di metse; tse o di anantseng ga di na go mo itumedisa. Gonne o ne a gatelela ba ba humanegileng, a ba latlha fela; a gapa ntlo, mme ga a kitla a e ntšhwafatsa. E re ka a ne a sa khutle go eletsa mo teng ga gagwe, ga a kitla a phologa ka dilo tse a di ratang. E rile a thopa, a bo a sa sadise sepe; ke ka moo a sa boneng lesego le le tlhomameng. Le fa a na le letlotlo le le tletseng, o tla pitlaganngwa; mabogo otlhe a babogisegi a tla mo wela. Morena o tla mo romela bogale jo bo tukang jwa gagwe, a bo mo nesetsa go nna dijo tsa gagwe le go tlatsa mpa ya gagwe. Fa a tshaba dibolai tsa tshipi, o tla phololediwa ka bora jwa kgotlho. Fa a re ke a itlhomola, motsu o tswa mo motlhaneng wa gagwe le tshipi e e phatsimang mo santlhokweng wa gagwe. O ya kwa losong, a wetswe ke matshogo. Lefifi tota le baakanyeditswe mahumo a gagwe; molelo o o sa godiweng ke motho o tla mo nyeletsa, o feleletsa masalela a a mo lapeng la gagwe. Legodimo le tla senola molato wa gagwe le lefatshe le mo tsogela. Mahumo a a mo ntlong ya gagwe a tla thopiwa; a gogolwa ka letsatsi la bogale jwa ona. Ke yona kabelo ya motho wa moikepi e e tswang mo Modimong; ke jona boswa jo o bo neetsweng ke Modimo.” Jobe a fetola a re: “Utlwang lo reetse se ke se bolelang! A go re jalo e nne dikgomotso tsa lona! Ntumeleleng, le nna ke bue. Fa ke sena go bua, o ka sotla. A nna ke lebisa selelo sa me mo bathong? Gongwe ke ka ntlha ya eng, fa ke sa tshwanela go fela pelo? Ntebeng lo rerege! Bayang diatla melomong. Fa ke gopola tseo, ke a tshoga; mmele wa me o a sisimoga. Ke ka ntlha ya eng, fa baikepi ba ka phela, ba be ba tsofala le go tia nonofong? Ba bona bana ba bone, ba tiile ba na nabo mmogo le bana ba bana. Matlo a bone a mo kagisong, ga go na se se ba tshosang; thupa ya Modimo ga e ba otle. Poo ya gagwe e a gwela, ga e fose; kgomo ya gagwe e a tsala, ga e folotse. Ba ntshetsa basimane ba bone kwa ntle jaaka dinku; bana ba bone ba a tlolaka. Ba opelela moropana le mangope; ba itumelela go lela ga ditlhaka. Ba phela monate ka malatsi aotlhe; ba fologela mo felong ga baswi ba le kagisong. Mme kana ba reile Modimo ba re: ‘Tloga mo go rona! Ga re kgatlhwe ke go itse ditsela tsa gago.’ Ba re: ‘Mong-wa-thata-yotlhe ke eng, fa go twe, re mo direle? Go ka re thusa eng, fa re mo rapela?’ Bonang, tlhogonolo ya bone a ga e mo diatleng tsa bone? Kakanyo ya baikepi e kgakala le ona Modimo. A ga ke re, lobone lwa baikepi ga lo atise go tima le tatlhego ga e ba wele gantsi? Ga ke re, Modimo ga o tsotelele go ba abela dikotlo ka bogale jwa ona? Ke ga kae ba tleng ba tshwane le dirite mo phefong, ba be ba tshwane le moko o o tsewang ke ledimo? Lona lo a re: ‘Modimo o bolokela bana ba moikepi tatlhego ya gagwe!’ Nnyaya! A o otle ene ka fa go mo lebanyeng gore a utlwe botlhoko! A moikepi a bone tatlhego ya gagwe ka matlho! A a nwe bogale jwa Mong-wa-thata-yotlhe! Gonne ke eng sa lapa la gagwe se se ka mo tshwenyang, fa a sena go swa, fa palo ya dikgwedi tsa gagwe e sena go fela? A motho o ka ruta Modimo kitso, ona o o sekisang ba ba kwa godimo? Mongwe o swa a ntse a le tlhogonolo tota, a na le kagiso fa gotlhe a sa tshwenyegele sepe. Dikgamelo tsa gagwe di tletse lebese; marapo a gagwe a tiile moko. Mme yo mongwe a swe a le pelo-e-botlhoko, a ise a je tsa letlhogonolo. Ba robale mmogo leroleng, mme diboko di ba khurumetse. Bonang, ke itse dikakanyo tsa lona le maano a lo a ntogelang, a lo nteofelang ka ona. Fa lo re: ‘Lelapa la morena yo o ikgantshang le kae? Ntlo e kae e baikepi ba neng ba nna mo go yona?’ A ga lo a botsa bafeti ba tsela? Kana dikao tsa bone ga lo di ganetse! Ba re: ‘Yo o bosula o rekegelwa ka letsatsi la tatlhego; o phologa ka letsatsi la bogale.’ Ke mang yo o kgalemelang tsamao ya gagwe a lebaganye nae? Ke mang yo o mo otlhaelang tse a di dirileng? Le gona o isiwa mabitleng, mme phupu ya gagwe ba a e disa. Makwete a lebitla a monate mo go ene; batho botlhe ba mo sala morago, le ba ba mo eteletseng pele ga ba na palo. Jaanong lo ka nkgomotsa jang ka dilo tsa lefela? Mo dikarabong tsa lona go setse bolotsana fela.” Ga fetola Elifase wa Themane a re: “A monna o ka thusa Modimo? Nnyaya, letlhale sa lone ke go itirela fela. A o a re o kgatlha Mong-wa-thata-yotlhe, fa o le yo o siameng? A o a re o a mo thusa, fa o siamisa tsamao ya gago? A o a re ke ka ntlha ya poifo-Modimo ya gago, fa a go otla, a go sekisa? A ga ke re, bosula jwa gago ke jwa mefutafuta? Le gona melato ya gago ga e na fa e felelang teng! O tsere dipeeletso mo go morwa-rraago, a se na molato; wa apola diaparo tsa ba ba tlhokang. Yo o nyorilweng ga o a mo nosa metsi; yo o tshwerweng ke tlala o mo timile dijo. O a re: Naga ke ya monna yo o bogale! Motlotlegi o nna mo go yona! Batlholagadi o ba buseditse kwa morago ba iphotlhere fela; wa pšhwetla masiela mabogo. Ke ka moo o dikanyeditsweng ke diru le therego e go tshosa ka tshoganyetso. A kampo ga o bone lefifi le morwalela wa metsi a a go khurumetsang? Modimo a ga o kwa godimo? Bona dinaledi tse di kwa godimodimo, di kwa godimo jang! Mme wena o a re: ‘Modimo o itse eng? A o ka atlhola o le kwa morago ga bontsho jwa maru?’ O a re: ‘Maru a o thibile matlho, ga o bone! O itsamaela mo tikologong ya legodimo!’ A o rata go tsaya tsela ya bogologolo e baikepi ba tsamaileng ka yona ba ba neng ba tlosiwa pele ga sebaka, ba tsewa ke morwalela wa metsi? Ke ba ba reileng Modimo ba re: ‘Tloga mo go rona!’ Gape ba re: ‘Mong-wa-thata-yotlhe o ka re direlang?’ Mme e ne e le ene yo o tladitseng matlo a bone tse di molemo! – Kakanyo ya baikepi e kgakala le nna! – Basiami ba a bona, ba a itumela; ba ba se nang molato ba a ba sotla ba re: ‘Ruri, ba ba neng ba re tlhoile ba nyeleditswe; le tse ba di tlogetseng di fisitswe ka molelo.’ A ko o ithuse ka go tsalana nao, o nne kagisong; tlhogonolo e tla go tlela ka go dira jalo. A ko o amogele thuto e e tswang mo molomong wa ona; o bee mafoko a ona mo pelong ya gago! Fa o boela kwa go Mong-wa-thata-yotlhe, fa o ikokobetsa o tlosa tshiamololo mo lapeng la gago; fa o latlhela gouta ya gago leroleng le gouta ya Ofire kwa mafikeng a melapo foo Mong-wa-thata-yotlhe o tla nna gouta ya gago le selefera e e phatsimang mo go wena; ee, foo o tla itumelela Mong-wa-thata-yotlhe, o tsholeletsa Modimo sefatlhego. O tla rapela Modimo, o tla go utlwa; o tla dirafatsa maikano a gago. Fa o ikaelela sengwe, o tla se kgona; lesedi le tla phatsimela ditsela tsa gago. Fa di ya kwa tlase, o tla re: ‘A ke tlhatloge!’ Modimo o tla thusa yo o ikokobetsang. Ee, le yo o molato, o tla mo pholosa; a pholosiwa ka bophepa jwa diatla tsa gago.” Ke fa Jobe a fetola a re: “Le kajeno selelo sa me se a lo ganetsa; seatla sa ona se a nkimela, ke be ke fegelwe. Ao! Nka bo ke itse kwa nka o fitlhelang teng, gore ke eme fa pele ga sedulo sa ona! Nka bo ke phutholola mafoko a a siameng fa pele ga ona; ke tlatsa molomo wa me maitlhatso. Ke ne ke tla itse mafoko a o mphetolang ka ona le go tlhaloganya tse o di buang le nna. A o ka bo o seka le nna ka thata e kgolo? Nnyaya! O ka bo o utlwana le nna. Gona monna wa nnete o ka bo a seka nao, mme ke ne ke tla gololwa mo go Moatlhodi wa me ka bosakhutleng. Bonang, fa ke ya kwa botlhabatsatsi, ga a teng; le kwa bophirimatsatsi ga ke mmone. Fa a le mo tirong kwa bokone, ga ke mo fitlhele; fa a fapogela kwa borwa, ga ke mo lemoge. Gonne Modimo o itse tsamao ya me; fa o ka nteka, ke tla tswa jaaka gouta. Lonao lwa me lo ntse lo gatile mo motlhaleng wa ona; ke ntse ke tshwere tsela ya ona, ke sa e fapoge. Ga ke a tlogela taolo ya molomo wa ona; mafoko a molomo wa ona ke a bolokile bogolo go maikaelelo a me. Mme ona ga o fetoge; ke mang yo o ka o thibelang? Se pelo ya ona e se ratang o a se dira! Gonne o tla dirafatsa se o se mpeetseng. Dilo tse di ntseng jalo di dintsi mo go ona. Ke ka moo ke tshogileng fa pele ga ona; fa ke di akanya, ke a o boifa. Modimo o nkoafaditse pelo; Mong-wa-thata-yotlhe o ntshositse. Gonne ga se lefifi le le mpolayang, le fa bontsho bo mpipile sefatlhego. “Ke ka ntlha ya eng, fa Mong-wa-thata-yotlhe a itse dipaka tsa go otla, mme ba ba mo itseng ba sa bone malatsi a gagwe a tshekiso? Ba ba bosula ba sutisa melelwane, ba utswa letsomane ba a le fudisa. Esele ya masiela ba a e gapa, kgomo ya motlholagadi ba e tsaya go nna peeletso. Ba leleka bahumanegi mo tseleng; ba ba tshwereng bothata mo lefatsheng ba phela ka go iphitlha. Ke bao, ba tswela kwa tirong ya bone jaaka diesele tsa nageng, ba ya go sela tse di jewang mo nageng, ba batlela bana dijo. Ba kotula mabele a gagwe mo tshimong; ba ronopa tshimo ya moweine ya moikepi. Ba lala ba sa ikatega ba se na diaparo; le gona ga ba na kobo, le fa go le maruru. Ba koloba ka dipula tsa dithaba, mme ka ba se na botshabelo, ba ipatika fa thoko ga mafika. Ba kgomodisa lesiela letsele la mmaalo; ba tsaya lesea la mmogisegi go nna peeletso. Babogisegi bao ba tsamaya ba sa ikatega ba se na diaparo; ba na le go rwala dingata ba ntse ba tshwerwe ke tlala. Ba tlhotlha lookwane mo gare ga dithako tsa bone ba ba bosula bao; ba gata segatelo sa weine ba ntse ba nyorilwe. Go fegelwa ga ba ba swang go utlwala mo motseng; ba ba phololeditsweng ba goela thuso! Mme Modimo ga o tlhokomele tshiamololo. Bone ba ba bosula bao ba tshaba lesedi; ga ba itse ditsela tsa lone; ga ba phele mo ditselaneng tsa lone. Mmolai o tsoga pele ga masa, o bolaya mmogisegi le mohumanegi, mme o tshwana le legodu bosigo. Leitlho la mosenya-nyalo le letela lotlatlana, a re: ‘Ga go na leitlho le le tla mponang;’ a ipipe sefatlhego ka lesela. Legodu le thuba matlo mo fifing le tsene; motshegare ba a itswalela. Lesedi ga ba le tlhaloganye. Gonne botlhe bao lefifi le lentsho ba le kaya moso; gonne ba tlwaetse dipoitshego tsa lefifi le le kwenneng. A moikepi a fele ka pele jaaka selo fa se tsewa ke metsi! A tshimo ya gagwe e rogakwe mo lefatsheng! A a se ka a tlhola a ya kwa masimong a moweine! A komelelo le bolelo di tlose metsi a semathana! A felo ga baswi go metse ba ba leofileng. A mmaagwe moikepi a mo lebale! A a natefele diboko! A a se ka a tlhola a gopolwa ke ope! A tshiamololo e robiwe jaaka logong! Ke raya yo o neng a direla mosadi wa moopa bosula, a sa direle motlholagadi molemo. Mme Modimo o naya beng ba thata bophelo jo boleele ka thata ya ona; le yo o neng a tlhobogile bophelo jwa gagwe o tsoga gape. Modimo o mo neela thagamo, a ba a ikaege ka yona; mme matlho a ona a tlhokomela ditsela tsa beng ba thata. Ba gola ba tumile, ba tlhokafala ka sebakanyana; ba namalala, ba swa jaaka botlhe, jaaka diako di kgaolwa. A ga go a nna jalo? Ke mang yo o ka reng, ke buile maaka? Ke mang yo o ka nyatsang mafoko a me a re, ga se a sepe?” Ga fetola Biletate wa Sua a re: “Puso le theregiso ke tsa ona o o dirang kagiso mo mafelong a a kwa godimodimo a ona. A masomo a ona a ka balwa? Ke mang yo lesedi la ona le sa mo tlhabeleng? Motho o ka nna jang mosiami fa pele ga Modimo? Yo o tsetsweng ke mosadi o ka nna phepa jang? Bonang, le fa e le ngwedi ga o phatsime le dinaledi ga di a itsheka mo matlhong a ona! Jaanong fa e le motho yo e leng seboko fela le morwa motho yo e leng sebokwana fela – ene o tlhaela jang mo tshiamong?” Ke fa Jobe a fetola a re: “Yo o tlhokang thata, o mo thusitse jang ne! Letsogo le le sa tiang, o le namoletse pila jang! Yo o se nang botlhale, ruri o mo gakolotse! Kana o ntshitse tse di tlhalefisang di le dintsi! Mafoko a gago o a boleletse mang? Ke mowa wa ga mang o ò neng ò bua ka ona? Baswi ba roroma kwa tlase ga metsi le tse di agileng mo go ona. Felo ga baswi ga go a bipega fa pele ga ona; molete wa tatlhego ga o na sekhurumelo. Ona o tsharolola bokone godimo ga lolea; o lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe. O phuthela metsi mo marung a ona, mme ga go leru lepe le le phanngwang ke metsi. Ponalo ya sedulo sa ona sa bogosi o a e sira, o ala leru la ona mo go yona. O rala molelwane mo godimo ga metsi go fitlha kwa mafelelong a lesedi fa le amanang le lefifi teng. Maotwana a legodimo a a reketla, a ba rerege ka kgalemelo ya ona. O hudua lewatle ka thata ya ona; o remaganya kgogela ka tlhaloganyo ya ona. Go sedifetse kwa legodimong ka phefo ya ona; seatla sa ona se phololetsa noga e e lobelo. Bonang, tseo ke makhutlo a ditsela tsa ona fela. Tse re di utlwang ka ga ona ke tsa go sebasebelwa fela, mme modumo wa thata ya ona ke mang yo o ka o tlhaloganyang?” Jobe a tswelela pele, a ntsha diane tsa gagwe a re: “Ka bophelo jwa Modimo o o nkamogileng tshwanelo ya me! Le ka Mong-wa-thata-yotlhe yo o njesitseng tse di galakang! Ruri, fa bophelo jwa me bo sa ntse bo itekanetse mo go nna, fa mowa wa Modimo o le mo dinkong tsa me molomo wa me ga o kitla o bua tsa tshiamololo; loleme lwa me ga lo kitla lo bolela tsa tsietso. A go nne kgakala le nna go ka dumela gore lona lo mo nneteng; ke tla swa ke ise ke ipone molato. Ke itshwarelela mo tshiamong ya me, ga nkitla ke e lesa; pelo ya me ga e nkgalemele ka letsatsi lepe la me. Mmaba wa me o tshwanetse go nna jaaka moikepi; yo o ntsogelang o tshwanetse go nna jaaka mosiamolodi. Gonne moikepi o solofela eng, fa Modimo o kgaola le go tlosa mowa wa gagwe? A Modimo o tla utlwa go goa ga gagwe, fa tlalelo e mo wela? A ene o ka itumelela Mong-wa-thata-yotlhe? A o ka tlhaeletsa Modimo ka metlha yotlhe? Ke tla lo ruta ka ga letsogo la Modimo; tse di mo go Mong-wa-thata-yotlhe ga nkitla ke di loba. Bonang, lona lotlhe lo di bonye ka nosi. Jaanong ke eng fa lo bua dipuo tsa boithamako fela? Kabelo ya motho wa moikepi mo Modimong ke e; boswa jwa morena yo o pelompe jo o tla bo amogelang mo go Mong-wa-thata-yotlhe ke bo: Fa bana ba gagwe ba ata, ba atela tšhaka fela bana ba bana ba gagwe ga ba kitla ba kgora bogobe. Masalela a gagwe a tla fitlhwa ke leroborobo; batlholagadi ba motse wa gagwe ga ba kitla ba a lelela. Le fa a kgobokanya selefera jaaka lerole, a itshegela diaparo tse dintsi jaaka motlhaba, o tla di itshegela, mme di tla aparwa ke mosiami; yo o se nang molato o tla abelwa selefera. O agile ntlo ya gagwe jaaka segokgo le jaaka mokgoro o o dirwang ke modisa. O ya go robala a humile, mme a se ke a boelele gape: E re a budulola matlho, a fitlhele a se na sepe. Ditherego di mo wela jaaka morwalela; ledimo le mo tsaya bosigo. Phefo ya botlhabatsatsi e mo kuke, a tloge; e mo gogole mo felong ga gagwe. Modimo o mo konopa o sa rekegele; o ntse a tshaba seatla sa ona. Batho ba tla mo opela diatla; ba mo leletsa molodi, fa a tswa mo felong ga gagwe. “Kana go na le felo kwa selefera e bonwang teng; gouta e na le felo fa e tlhatswiwang gona. Tshipi e ntshiwa mo mmung; kgotlho e gakolosiwa e tswa mo mafikeng. Batho ba fedisa lefifi, mo ntlheng tsotlhe ba fukutsa mafika a a mo bontshong le mo lefifing le legolo. Ba epa moepo, ba tloga mo go ba ba agileng mo lefatsheng; ba lebalwa ba le kgakala le kwa dinao di gatang teng, ba lepeletse ba le kgakala le batho, ba akgaakgegela kwa le kwa. Lefatshe le dijo di tswang mo go lone ka kwa tlase ga lone go epololwa ka molelo. Matlapa a lone ke lone legae la safire; le dithole tsa gouta di teng gona moo. Lenong ga le itse tselana ya teng; leitlho la segodi ga le a e bona. Dibata tse di kokorogang ga di ise di e gate; le tau ga e ise e tsamae mo go yona. Mme motho o isa seatla kwa mafikeng a legakwa; a epolola dithaba ka kwa meding. O phunya ditsela mo teng ga mafika; leitlho la gagwe le bona tse di tlhwatlhwa e kgolo tsa mefutafuta. O thiba dikelelo tsa metsi kwa tlase gore di se ka tsa rotha; tse di fitlhegileng o di ntshetsa kwa leseding. Mme botlhale jona bo bonwa kae? Felo ga tlhaloganyo ke kwa kae? Motho ga a itse tlhwatlhwa ya jona; ga bo bonwe mo lefatsheng la ba ba phelang. Bodiba bo a re: ‘Ga bo yo mo go nna!’ Lewatle le a re: ‘Ga ke na najo!’ Ga bo rekwe ka gouta e e itshekileng; ga bo lekanyediwe selefera go nna tlhwatlhwa ya jona. Gouta ya Ofire le yona ga e bo lekane, le fa e le šohama e e tlhwatlhwa e kgolo gongwe safire. Gouta le galase ga di tshwane najo; ga bo ananngwe ka dijana tsa gouta. Dikorala le legakwa ga di umakiwe; go nna botlhale go gaisa ditalama. Le topase ya Ethiopia ga e tshwane najo; gouta e ntlentle ga e bo lekane. Jaanong ge, bo tswa kae botlhale? Tlhaloganyo e agile kae? Bo fitlhegetse matlho a tsotlhe tse di phelang; le dinonyane tsa loapi bo di subegetse. Felo ga tatlhego le loso tsa re: ‘Re utlwile magatwe a jona fela ka ditsebe tsa rona.’ Tsela e e yang kwa go jona Modimo o e lemogile; ona o itse felo ga jona. Gonne o bona go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe; o leba tsotlhe tse di fa tlase ga legodimo. E rile o direla phefo thata, o lekanya metsi ka seelo; ya re o baya molao wa pula, o direla logadima tsela: wa bo bona, wa bo rulaganya, wa bo emisa, wa bo tlhotlhomisa. Mme wa raya motho wa re: ‘Bona, go boifa Morena ke botlhale le go tlogela bosula ke tlhaloganyo.’ ” Jobe a tswelela pele, a ntsha diane tsa gagwe a re: “Ao! E kete nka bo ke ntse jaaka mo kgweding tsa pele! Jaaka ka malatsi ale fa Modimo o ne o ntse o ntisitse! Fa lobone lwa ona lo okame tlhogo ya me; ka ralala lefifi ke le mo leseding la ona. Nka bo ke ntse jaaka ke ne ke le mo malatsing a nonofo ya me; fa tsalano ya Modimo e okame lapa la me fa Mong-wa-thata-yotlhe a sa ntse a na le nna fa bana ba me ba ne ba ntikanyeditse fa dinao tsa me ke di tshasa ka lobebe, fa lekgwarana le ntswelela dinokana tsa lookwane. E ne ya re fa ke tswela kwa kgorong ya motse, ke baakanya senno sa me mo dipatlelong, basimane ba iphitlhe, fa ba mpona; banna ba bagolo ba nanoge ba eme ka dinao, dikgosana di khutle go bua, di itshware melomo; mantswe a ba ba tlotlegang a didimale, diteme tsa bone di kgomarele magalapa. Ya re fa tsebe e nkutlwa, e ntshegofatse; e re fa leitlho le mpona, le supe ka ga me, fa ke ne ke pholosa mmogisegi yo o goelang dithuso le lesiela le yo o se nang mothusi. Ka bona tshegofatso ka yo o latlhegileng ka thabisa pelo ya motlholagadi. Ka apara tshiamo; tiro tse di siameng tsa me tsa nkapesa jaaka kobo le serwalo. Ke ne ke le matlho a sefofu le maoto a segole. Ke ne ke le rra-bahumanegi; ka lotolotsa kgang ya tsheko ya yo ke sa mo itseng. Mosiamolodi ka mo roba metlhagare; ka phamola thopo mo menong a gagwe. Ka re: ‘Ke tla swa le sentlhaga sa me, ke ntsifatsa malatsi jaaka motlhaba.’ Ka re: ‘Modi wa me o nametse kwa metsing; go lala monyo mo dikaleng tsa me.’ Ka re: ‘Tlotlo ya me e ntse e le e ntšhwa mo go nna; bora jwa me bo ntšhwafala mo seatleng sa me.’ Ba ne ba tle ba ntheetse ba ntebelele; kgakololo ba e utlwe ka go didimala. Ya re fa ke sena go bua, ba se ke ba bue; mafoko a me a ne a rothegela mo go bone. Ba ne ba tle ba ntebelele jaaka go lebelelwa pula; ba bule melomo jaaka e kete ba kgalegetse tlhakola-modula. Ke ne ke tle ke tshege nabo ka tsalano, fa ba solofologile; ba ne ba sa itse go fifatsa lesedi la sefatlhego sa me. Ka itumela go ya kwa go bone, ka nna nabo ke le tlhogo, ka dula jaaka kgosi mo gare ga batlhabani, ke le yo o gomotsang ba ba pelo-di-botlhoko. “Mme kajeno ke tshegwa ke ba e leng ba bašwa mo go nna; bao borraabo ke neng ke nyatsa go ba kopanya le dintšwa tsa letsomane la me. Le gona thata ya diatla tsa bone e ne e ka nthusa eng, ka ba ne ba senyegetswe ke thata ya bonna jwa bona? Ba fedisitswe ka go tlhoka le ka tlala; maabane ba ne ba phura mo nageng e e omeletseng ya sekaka. Ba tle ba kgetle morogo o o letswai mo ditlhatshaneng; modi wa motlopi ke dijo tsa bone. Ba lelekwe mo gare ga batho, ba tlhabelwe mokgosi jaaka legodu. Ba na le go nna mo megorogorong e e boitshegang le mo meoleng ya lefatshe le mo dikgageng. Ba kue ba le mo gare ga ditlhatshana, ba kgobokane fa tlase ga bogopa. Ke losika lwa masilo a a nyatsegang a a kobilweng mo lefatsheng ka seme. Mme kajeno ke sotlwa ke bone bao, ba opela ka nna, ba buabua ka nna. Ba katogana le nna, ke maila mo go bone; ga ba tshabe go nkgwela mathe mo sefatlhegong. Gonne Modimo o repisitse mosifa wa me wa nkokobetsa; ka moo ba itshola bobe fa pele ga me. Banyatsegi ba ntsogela mo ntlheng ya le le jang, ba nkgopisa maoto, ba kata ditsela tsa bone tsa go tla kwa go nna le go ntshenya. Ba sentse tsela ya me, ba thusa go ntiga. Ga ba thibelwe ke ope. Ba tsena jaaka baba ka phatlha e e atlhameng ya lorako, ba bidikamela pele mo gare ga marope. Ditherego di nkwetse, di lelekile tlotlo ya me jaaka phefo; letlhogonolo la me le nyeletse jaaka leru. Jaanong ke nnetse go lela; malatsi a pogisego a ntshwere. Ke fetlhwa marapo otlhe bosigo; matlhoko a a jang mo go nna ga a didimale. Seaparo sa me se fetogile ka thata e kgolo ya matlhoko; se a mpeta jaaka thamo ya hempe ya me. Modimo o ntatlhetse mo seretseng; ke tshwana le lerole le molora. Ke goela thuso kwa go wena, mme ga o nkutlwe; ke eme fa pele ga gago, mme ga o nkele tlhoko. O mphetogetse yo o setlhogo, o lwa le nna ka thata ya diatla tsa gago. O ntsholeletsa mo phefong, o e mpalamisa, o ntheekedisa mo modumong wa yona. Ee, ke a itse gore o nkisa losong kwa ntlong ele kwa go tla kgobokanang botlhe ba ba phelang. Fela fa ntlo e wela motho, a ga a kitla a ntsha letsogo? Gongwe fa a latlhega, a ga a kitla a goela thuso? Kampo a ga ke a lelela yo o bonyeng malatsi a a makete? A ga ke a utlwela bahumanegi botlhoko? Gonne ke ne ke solofetse tse di molemo, ga tla tse di bosula; ke ne ke lebeletse lesedi, ga tla lefifi. Ka mo teng ga me go a bela, ga go khutle; malatsi a tlalelo a tlile mo go nna. Ke sepela ke hutsafetse, ke se na lesedi; ke nanoga mo phuthegong ke goela thuso. Ke fetogile morwa-rraatso-diphokojwe le selekane sa bontšhwe. Letlalo la me le tloga mo go nna le ntshofetse; marapo a me a fisiwa ke mogote. Sefela sa me se fetogile khutsafalo; melodi ya lotlhaka lwa me e fetogile selelo sa ba ba lelang. “Matlho a me ke ne ke utlwanye nao gore a se ka a leba lekgarebe. Fa nka bo ke dirile jalo, kabelo ya Modimo e e tswang kwa godimo e ka bo e le efe? Boswa jwa Mong-wa-thata-yotlhe jo bo tswang legodimong e ka nna bofe? A ga se tatlhego ya mosiamolodi le go tlhoka tlhogonolo ga baleofi? A ga se ene yo o bonang ditsela tsa me, yo o balang dikgato tsa me tsotlhe? Fa ke dirile ka bolotsana, fa dinao tsa me di akofetse go tsietsa foo a Modimo o ntekanye mo selekanyetsong se se siameng gore o itse bosenamolato jwa me! Fa dikgato tsa me di fapogile mo tseleng, fa pelo ya me e setse keletso ya matlho a me morago, fa sebala se kgomaretse diatla tsa me, foo a ke jwale, mme go je yo mongwe; tse di ntlhogelang mo tshimong a di kumowe! Fa pelo ya me e raelesegile ka mosadi, fa ke laletse mojako wa mongwe-ka-nna, foo a mosadi wa me a silele monna yo mongwe! A ba bangwe ba nne nae! Gonne go dira jalo ke tshenyo e e nyatsegang; ke molato o o tshwanetseng petso ya baatlhodi. Ee, ke molelo o o nyeletsang go fitlha kwa felong ga tatlhego o o fisang mahumo a me otlhe. Fa ke nyaditse tshiamelo ya motlhanka wa me le ya lelata la me mogang ba sekang le nna, foo ke tla dira eng, fa Modimo o ka tsoga? Nka fetola ka reng, fa o nkotla? A ga ke re, yo o ntirileng mo popelong, le ene o mo dirile? A ga se Modimo o le mongwe fela o o re bopileng ka bobedi jwa rona? Fa ke ganne ka se se kopiwang ke ba babotlana, fa ke swabisitse matlho a motlholagadi, gongwe fa ke jele thathana ya me ke le nosi, mme ke se ka ka nathela lesiela – kana go tloga bonyaneng jwa me le goletse mo go nna ke le rraalo; go tloga botsalong ke ne ke le mogogi wa motlholagadi! Fa ke bonye motho a latlhega ka go tlhoka diaparo le mohumanegi yo o se nang kobo; fa dirope tsa gagwe di sa nteboga, fa a sa ikomosa ka boboa jwa dinku tsa me fa ke tsholeleditse lesiela letsogo go le otla, ka ke bona ba ba nkemelang kwa lekgotleng; foo a legetla la me le kgaoge mo thamong! A letsogo la me le robege le tlosiwe mo mmeleng! Gonne go boifa Modimo go ne go nthibela; ke ne ke sa kgone go dira jalo ka ntlha ya bogolo jwa ona. Fa ke ikantse gouta, fa ke reile gouta e e itshekileng ka re: ‘Ke wena ke ikaegang ka wena;’ fa ke itumeletse khumo ya me e kgolo le papalo e kgolo ya seatla sa me, fa ke bonye lesedi la letsatsi le phatsima gongwe ngwedi o o tsamayang o le montle fa pelo ya me e itsieditse mo sephiring, fa molomo wa me o atlile seatla sa me e le go di tlotla jaaka medimo: le go dira jalo ke molato o o atlholelwang petso gonne nka bo ke itatotse Modimo o o kwa legodimong. Fa ke itumeletse tatlhego ya yo o ntlhoileng fa ke ne ke duduetsa, fa bosula bo mo wela – mme ga ke a leofisa magalapa a me; ga ke a mo kopela loso ka go mo hutsa! Ruri, ba lapa la me ba buile ba re: ‘Ke ofe yo o se kang a kgora nama tsa gagwe?’ Moeng ga a ise a ke a lale kwa ntle; ka bulela moeti ditswalo tsa me. Fa ke lobile dibe tsa me jaaka batho, fa ke fitlhile molato wa me mo teng ga me, ka ke ne ke boifa bontsi jo bogolo, ka nyatso ya ditshika tsa ga etsho e ntshosa, fa ke ne ke didimala, ke sa tswele kwa ntle ga ntlo – foo a Modimo o nkotle! Ao! Nka bo ke na le yo o nkutlwang! Go ikwala ga me ke moo. A Mong-wa-thata-yotlhe a nkarabe! Nka bo ke tshotse lokwalo lo moganetsi wa me o lo kwadileng! Ruri, ke ne ke tla lo sikara ka legetla la me, ke lo ithathelela mo tlhogong jaaka serwalo. Nka bo ke mo ikarabela dikgato tsa me, ke mo atamela jaaka kgosana. Fa tshimo ya me e goa ka ga me, fa mesele ya yona e lela mmogo; fa ke jele dijo tsa yona ke sa e reka, fa ke bolaile beng ba yona, foo a go tlhoge mitlwa boemong jwa mabele le mefero boemong jwa mmopo!” Mafoko a ga Jobe a felela fa. Jaanong banna ba bararo bao ba khutla go fetola Jobe; gonne o ne a ikaya yo o siameng. Ke fa go galefa Elihu morwa Baragele wa kwa Busi wa losika lwa ga Rame; a tukela Jobe bogale ka a itshiamisa fa pele ga Modimo. Le gona a galefela ditsala tse tharo tsa gagwe, ka gonne ba palelwa ke go fetola Jobe, mme ba mmona molato fela. Ene Elihu o ne a iketlile bone ba ntse ba bua le Jobe; gonne ba ne ba le bagolo mo go ene, ba mo feta ka dinyaga. Jaanong e rile Elihu a bona, fa go se na karabo mo melomong ya banna ba bararo bao, a tuka bogale. Elihu morwa Baragele wa kwa Busi a fetola a re: “Nna ke sa le mošwa, lona lo ba bagolo lo mpheta ka dinyaga; ka moo ke ne ke itshwere, ka boifa go lo bolelela tse ke di itseng. Ka re: ‘A go bolele banna bagolo ba ba nang le malatsi! A ba bontsi jwa dinyaga ba itsise botlhale!’ Fela ke mowa o o mo bathong, ke Mowa wa Mong-wa-thata-yotlhe o o ba tlhalefisang. Ba bagolo ga se bone ba ba botlhale; ba ba tsofetseng ga ba tlhaloganye tse di siameng. Ke ka moo ke reng: Ntheetseng! Le nna ke bolele se ke se itseng. Bonang, ke emetse mafoko a lona, ka utlwelela dipuo tse di botlhale tsa lona, go fitlhelela lo bone mafoko a a siameng; ka nna ka lo ela tlhoko, ka fitlhela go se na yo o fenyang Jobe; go se na ope mo go lona yo o fetolang mafoko a gagwe. Lo se ka lwa re: ‘Re fitlhetse botlhale mo go ene! Modimo o tla mo kgona, e seng motho.’ Ga a ka a bolela mafoko go lwa le nna; le gona ga nka ke ka mo fetola jaaka go buile lona. Ba nyemile moko; ga ba tlhole ba araba. Ba feletswe ke mafoko. A nka leta, fa ba sa bue ba eme fela, ba sa tlhole ba araba? Nnyaya! Le nna ke tla araba tse ke di abetsweng; le nna ke tla bolela tse ke di itseng. Gonne ke tletse mafoko; mowa o o mo teng ga me o a ntlhotlheletsa. Bonang, mafatlha a me a tshwana le weine e e belang e e sa thibololwang; a phanyega jaaka makuka a mašwa. Ke na le go bua, gore ke hupologe mowa. Ke na le go bula molomo le go araba. Ga nka ke ka goga le ope le e seng go kgatlha motho ka loleme. Gonne ga ke itse go kgatlha motho ka loleme; Modiri wa me o ne a ka ntlosa ka bonako. “Mme wena Jobe, a ko o utlwe dipuo tsa me; mafoko a me otlhe o a sekegele tsebe! A ko o bone, ke butse molomo; go bua loleme lwa me mo magalapeng. Mafoko a me ke a boammaaruri jwa pelo; molomo wa me o tla bua kitso e e phepa. Mowa wa Modimo o ntirile; Mowa wa Mong-wa-thata-yotlhe o a mphedisa. Fa o ka kgona, o mphetole; ipaakanye o eme fa pele ga me! Bona, ke tshwana le wena fa pele ga Modimo: Le nna ke ngathilwe mo letsopeng. Bona, a go mpoifa go se ka ga go tshabisa; ga nkitla ke go imela ka kgatelelo ya me. Fela o buile mo ditsebeng tsa me, ka utlwa lentswe le le buang mafoko le re: ‘Ke itshekile, ga ke na boleo; ke nna yo o phepa, ga ke na molato. Bonang, Modimo o bonye mabaka a go lwa le nna; o nkaya mmaba wa ona. Dinao tsa me o di bofeletse mo dikoteng; o tlhokometse ditsela tsa me tsotlhe.’ Bona, ke a go fetola: Gona fao ga o mo nneteng, gonne Modimo o mogolo bogolo go motho. Ke ka ntlha ya eng fa ò o lwantsha ò re: ‘Ga o arabe lefoko lepe la me.’ Gonne Modimo o bua gangwe le gape, mme motho ga a ele tlhoko: O bua ka toro, ka pono bosigo, fa batho ba le borokong, fa ba robetse mo malaong. Foo o thibolola batho ditsebe, o ba tlhagisa ka go ba tshosa, gore o tlogedise motho ditiro tse di bosula, o latlhise monna boikgodiso; gore o boloke mowa wa gagwe, a se ka a ya lebitleng, le bophelo jwa gagwe gore bo se ka jwa nyelela ka lerumo. Le gona o a tle a otlwe ka botlhoko mo bolaong jwa gagwe le ka ntwa e e sa feleng mo marapong a gagwe. Bophelo jwa gagwe bo mo tentshe bogobe; mowa wa gagwe o tenwe ke dijo tse di monate. Nama ya gagwe e ote e sa tlhole e bonwa; go bonale marapo a gagwe a a neng a bipegile. Mowa wa gagwe o atamele lebitla, bophelo jwa gagwe bo atamele ba ba tlisang loso. Jaanong fa go na le moengele fa go ene, motsereganyi a le mongwe wa ba le sekete, gore a itsise motho tshwanelo ya gagwe, foo o tla mo tlhomogela pelo a re: ‘Mo golole a se ka a tsena mo lebitleng! Ke bonye serekololo sa bophelo jwa gagwe.’ Foo nama ya gagwe e tla ntšhwafala, e tlala thata e ntšhwa; o tla boela malatsing a bošwa jwa gagwe. Fa a rapela Modimo, ona o tla mo itumelela, o mo lebisa sefatlhego sa ona ka tuduetso, o busetsa motho tshiamo ya gagwe. Ene o tla opelela batho a re: ‘Ke ne ke leofile, ka sokamisa tse di siameng, mme Modimo ga o a nkotla ka fa go ntebanyeng. O nthekolotse gore ke se ka ka tsena mo lebitleng; bophelo jwa me bo ka itumelela lesedi.’ Bonang, Modimo o direla motho tsotlhe tseo gabedi le gararo, e le go mo thibela go ya lebitleng gore a sedimosediwe ka lesedi la bophelo. Ela tlhoko, Jobe, o nkutlwelele! Didimala, ke tla bua! Fa o na le mafoko, mphetole! Bua, gonne nka itumela, fa o le mo nneteng. Fa o se na phetolo, ntheetse! Didimala, mme ke tla go ruta botlhale.” Elihu a simolola gape go bua a re: “Utlwang mafoko a me, lona batlhalefi! Ntshekegeleng ditsebe ba lo nang le kitso! Gonne tsebe e tlhatlhoba mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo. A re itlhopheleng tse di siameng, re gakololane tse di molemo. Gonne Jobe a re: ‘Ke siame, mme Modimo o nkamogile tse di ntshwanetseng. Le fa ke siame, ke tshwanetse go nna moaki. Ntho ya me ya motsu ke e e sa foleng, le fa ke se na molato.’ Monna yo o tshwanang le Jobe o kae yo o nwang dikgalo jaaka metsi, yo o tsalanang le badiradibe, a goga le banna ba boikepo? Gonne o rile: ‘Ga go thuse motho sepe, fa a rata Modimo.’ Ka moo, ntheetseng, lona banna ba botlhale! Modimo o kgakala le bokgopo; Mong-wa-thata-yotlhe o kgakala le tshiamololo. Nnyaya, o tla duela motho ka fa tirong ya gagwe; o tla dirafaletsa mongwe le mongwe tse di lebanyeng tsamao ya gagwe. Nnyaya, ruri, Modimo ga o dire tshiamololo. Mong-wa-thata-yotlhe ga a sokamise tshiamo. Ke mang yo o mo neetseng go laola lefatshe; le tikologo yotlhe ya lone, ke mang yo o e theileng? Fa Modimo o ka itlhokomela fela, fa o ka busetsa Mowa wa ona le pudulo ya ona kwa go ona, foo nama yotlhe e tla swa ka nako e le nngwe fela; motho o tla boela leroleng. Fa o na le tlhaloganyo, nkutlwelele, o sekegele lentswe la mafoko a me tsebe. Kana yo o tlhoileng tshiamo o ka busa jang? Gongwe yo o tshiamo le thata, a wena o ka mmona molato? Ene yo o ka rayang kgosi a re: ‘Ga o wa sepe,’ le dikgosana a re: ‘Lo baikepi!’ Ene yo o sa gobeleleleng batlotlegi, yo o sa tlhokomeleng mohumi bogolo go yo e leng motho fela; gonne bone botlhe ke tiro ya diatla tsa gagwe. Ba swa ka tshoganyetso gare ga bosigo; morafe o rerege o nyelele; yo o thata a tlosiwe e se ka seatla. Gonne matlho a ona a lebile ditsela tsa motho; o bona dikgato tsotlhe tsa gagwe. Ga go na lefifi le e seng bontsho jo bo kwenneng kwa badiradibe ba ka iphitlhang teng. Gonne Modimo ga o tlhole o sekaseka molato wa motho, fa a ya kwa go ona mo tshekong. O pšhwetlakanya ba ba thata kwa ntle ga tsheko; o emisa ba bangwe mo boemong jwa bone. Ke ka moo ke reng: O itse ditiro tsa bone; o ba ribegetsa bosigo, mme ba silakanngwe. Ka e le baikepi o ba otla mo felong fa go bonang botlhe. Ke ka gonne ba ikepile mo go ona; mme ba se ka ba tlhokomela ditsela dipe tsa ona; e le go fitlhisa selelo sa yo mmotlana kwa go ona gore ona o utlwe go goa ga ba ba bogisegang. Jaanong fa ona o ikhutsisa batho, ke mang yo o ka o bonang molato? Fa o fitlha sefatlhego, ke mang yo o ka o bonang? Gonne o okametse setšhaba le batho botlhe gore go se ka ga busa motho yo o pelompe yo o isang morafe mo tatlhegong. Jaanong fa motho a ka raya Modimo a re: ‘Ke ikgodisitse, ga nkitla ke senya gape; ke bona jalo, nthute; fa ke dirile ka tshiamololo ke tla baka.’ A ò a re, ona o busolose ka fa go ratang wena? Kana o nyaditse ditsela tsa ona. Ke wena o tshwanetseng go bolela tse di phalang tsa ona, e seng nna. Bolela tse o di itseng! Banna ba ba nang le tlhaloganyo le batlhalefi ba ba ntheetsang ba tla nthaya ba re: ‘Jobe o buile a se na kitso; mafoko a gagwe ga a na botlhale.’ Ao! A Jobe a nne a lekwe go ya go ile ka a fetola jaaka batho ba ba bosula. Gonne o oketsa boleo jwa gagwe ka boikepo, o sotla mo gare ga rona; o ntsifatsa mafoko a gagwe a a ganetsang Modimo.” Elihu a simolola gape go bua a re: “A ò se kaya se se siameng, a ò a re ke tshiamo ya gago fa pele ga Modimo fa ò re: ‘Go nthusa eng, go ntirela eng, fa ke sa leofe?’ Nna ke tla go fetola ka mafoko le ditsala tsa gago nao. Lelala kwa legodimong o bone; leba maru a a kwa godimo ga gago! Fa ò leofa, ona ò ka o senyetsa eng? Fa maleo a gago a le mantsi, ona ò ka o direla bosula bofe? Fa ò siame, ò o naya eng? Gongwe Modimo o tla amogela eng mo seatleng sa gago? Boikepo jwa gago bo senyetsa motho ka wena; tshiamo ya gago e thusa mongwe-ka-wena. Batho ba lela ka ntlha ya bontsi jwa dikgatelelo; ba goela thuso ka ntlha ya mabogo a ba ba thata. Mme ga ba botse go re: ‘Modimo, Mmopi wa rona o kae o o nayang batho difela tsa tebogo bosigo, o o re rutang bogolo go diphologolo tsa lefatshe, o o re tlhalefisang bogolo go dinonyane tsa loapi?’ Se bao, ba goela thuso, mme ga o ba utlwe ka ntlha ya boikgantsho jwa bone ba ba bosula. Ruri, Modimo ga o utlwe dilelo tsa boithamako; Mong-wa-thata-yotlhe ga a di ele tlhoko. Bogolo jang, fa ò re: ‘Ga ò o bone! Kgang e fa pele ga ona, o lete.’ Mme jaanong e re ka bogale jwa ona bo sa otle, ka o sa tlhokomele thata tse di boatla, Jobe o tumolola molomo go bua tsa boithamako; o bua tse dintsi a se na kitso.” Elihu a tswelela pele a re: “Iketle go le gonnye, ke tla go ruta; gonne mafoko a sa ntse a le teng a go emela Modimo. Kitso ya me ke rata go e tsaya kwa kgakala le go supa gore Mmopi wa me ke yo o mo nneteng. Gonne ruri, mafoko a me ga se a maaka; monna wa kitso e e tletseng o bua nao. Bona, Modimo o mogolo, mme ga o tlhokomologe sepe; ke ona senatla ka thata le ka tlhaloganyo. Ga o boloke maphelo a baikepi, mme o siamisetsa ba ba bogisegang. Ga o fapose matlho a ona mo basiaming, mme o ba nnisa le dikgosi mo ditulong tsa tsona ka metlha; ba godisiwa jalo. Mme fa ba bofilwe ka dikeetane, fa ba tshwerwe ka dikgole tsa matlhoko, foo o ba supetsa ditiro tsa bone le maleo a bone, fa ba ne ba ikgodisa, foo o bulela kgalemelo ditsebe tsa bone, o ba laola gore ba boe mo boikepong. Jaanong fa ba o utlwa le go o ineela, ba tla tlhola malatsi a bone ba le tlhogonolo; ba dika dinyaga tsa bone di le monate. Mme fa ba sa utlwe, ba tla nyelela ka lerumo ba tla swa ba se na kitso. Ba ba pelo-di-bolotsana ba ngala fela; ga ba goele thuso, fa Modimo o ba golegile. Mewa ya bone e tshwanetse go swa ba sa le bašwa; maphelo a bone a na le go fela jaaka a banna ba medimo ya boaka. Mme o tla pholosa mmogisegi ka tlalelo ya gagwe; o mo thibolola ditsebe ka pitlaganyo. Le wena o go bitsa gore o tswe mo leganong la tlalelo; o go biletsa felong fa go atlhameng, fa go se nang pitlaganyo, le mo monateng wa dijo tse di mafura tsa lojelo lwa gago. Mme katlholo e e welang moikepi e go wetse ka botlalo; tshekiso le katlholo di go tshwere. A bogale bo se ka jwa go raela go ka kgala Modimo! A bogolo jwa serekololo bo se ka jwa go timetsa! A Modimo o ka ruta motho go goela thuso kwa ntle ga tlalelo le kwa ntle ga tsotlhe tse di rapedisang motho thata? Se tlhologelelwe bosigo jwa tshekiso, jo bo tlosang merafe mo mannong a yona! Itise, o se fapogele boikepong; gonne o bo rata bogolo go boitshoko. Bona, Modimo o itshupa o le mogolo ka thata ya ona. Ke mang yo e leng moruti jaaka ona? Ke mang yo o ka o laelang tsela ya ona; ke mang yo o ka o rayang a re: ‘O dirile tshiamololo’? Se lebale go godisa tiro ya ona e batho ba e tumisitseng ka difela. Batho botlhe ba e bona ba itumetse; motho o e leba a le kgakala. Bona, Modimo o mogolo, mme ga re o itse; palo ya dinyaga tsa ona ga e tlhotlhomisiwe. Gonne o atametsa marothodi a metsi, o a rothisa e le pula e e tswang mo mouwaneng wa ona. Maru a a e rothisa, a e nesetsa batho ba bantsi. Jaanong e ka nna mang yo o ka tlhaloganyang go thiba ga maru le tumo ya boago jwa ona? Bonang, o phutholola lesedi la ona mo tikologong ya ona, o khurumetsa mateng a lewatle. Ee, o atlhola merafe ka dilo tseo, e bile o e naya letlotlo la dijo ka tsona. Ditladi o di tshwere ka diatla, o di romela go lwa le motlhasedi. Tumo ya ona e a o bega; ee, le letsomane le supa ka ga yo o tlang. “Ee, pelo ya me e tshosiwa ke tseo, e tsiboga mo felong ga yona. Utlwang lo reetse loratla lwa lentswe la ona le tumo e e tswang mo molomong wa ona. O e utlwatsa fa tlase ga legodimo lotlhe, o bonatsa logadima lwa ona kwa mafelelong a lefatshe. Lo latelwa ke go duma ga maru; o dume ka kodu ya borena jwa ona; mme ga o thibele dikgadima, fa kodu ya ona e utlwala. Modimo o duma ka kodu ya ona mo go gakgamatsang; o dira tse dikgolo tse re sa di tlhaloganyeng; gonne o raya semathana o re: ‘Wela fa fatshe!’ Le pula ya leebana le ya medupe le dipula tsa thata ya ona o di raya o re jalo. O hunyetsa diatla tsa batho botlhe mariga gore batho botlhe ba lemoge ditiro tsa ona. Foo diphologolo di tsene mo maiphitlhong a tsona, di nne mo marobalelong a tsona. Ledimo le tle le tswa mo ntlong ya lone; diphefo tse di phatlalatsang maru di tlise serame. Pudulo e e maruru ya Modimo e bope dikgapetla; metsi a a atlhameng a thatafale ka serame. O imetsa maru ka metsi, o bo o a phatlalatse, a ntshe dikgadima tsa ona. A tsamaisiwa kwa le kwa ka fa taolong ya ona gore a dire ditiro tsotlhe tse o di a laetseng mo tikologong ya lefatshe. Fa o a tlisetsa lefatshe la ona, e ka nna kotlo gongwe tshegofatso. Wena Jobe, sekegela tseo tsebe; iketle, o tlo o tlhaloganye dikgakgamatso tsa Modimo. A o itse ka fa Modimo o di laolang ka teng, fa o gadimisa tladi ya maru a ona? A o tlhaloganya se se tsholeditseng maru le dikgakgamatso tsa yo o kitso e e tletseng? Wena yo diaparo tsa gago di nnang bolelo, fa go foka phefo e e bolelo ya borwa mo lefatsheng: A wena o ka tsharolola loapi nao lo lo tiileng jaaka seiponi sa tshipi? Re itsise se re ka se buang nao; ga re ka ke ra rulaganya puo epe ka ntlha ya lefifi. A ona o ka tewa ga twe: ‘Didimala, ke bue’? Gongwe a motho o kile a re: ‘Ke rata go nyelediwa’? Le gona jalo go a pala go ka leba lesedi la letsatsi, fa le phatsima kwa legodimong, fa phefo e sena go feta le go le anosa. Gouta e e phatsimang e tswa kwa bokone, mme kgalalelo e e boitshegang Modimo o mo go yona. Mong-wa-thata-yotlhe ga re mmone; o mogolo ka thata, o humile tshiamo; ga a ka ke a sokamisa tshiamo. Ka moo batho ba tshwanetse go mmoifa. Ga a re sepe ka botlhe ba ba ikayang matlhale.” Ke fa Morena a fetola Jobe a le mo ledimong a re: “Ke mang yo o fifatsang maikaelelo a me ka dipolelo tse di se nang kitso? A ko o itlame letheka jaaka monna! Ke tla go botsa, o nthute! E rile ke thaya lefatshe, wa bo o le kae? Bolela, fa o na le kitso! Ke mang yo o beileng ditekanyo tsa lone? – Kana o a itse! – Gongwe ke mang yo o neng a gagamatsa mogala o o le anyang mo go lone? Metheo ya lone e tsentswe mo go eng? Ke mang yo o beileng lentswe la sekhutlo la lone mogang dinaledi tsa masa di duduetsang mmogo, fa baengele botlhe ba tlhaba mokgosi wa boitumelo? Ke mang yo o tswaletseng lewatle ka ditswalo, fa le phašametsega le tswa mo felong ga lone, fa ke dira maru diaparo tsa lone le lefifi le lentsho lesela la lone? Motlhang ke le beelang molelwane wa lone, fa ke le direla losi le ditswalo, ka re: ‘O ka tla go fitlha fano, mme e seng go feta; boikgogomoso jwa dintelo tsa gago bo na le go kokobela fa!’ A o setse o kile wa laola moso ka lengwe la malatsi a gago? A o kile wa itsise mahube felo ga ona gore a tshware dikhutlo tsa lefatshe, mme baikepi ba tlhotlhorwe mo go lone? Gore le fetoge jaaka mmopa fa tlase ga sekano, mme dilo tsotlhe di bonale sentle, di senoge jaaka seaparo? Gore baikepi ba timiwe lesedi la bone, mme letswele le le tsholetsegileng le robiwe? A o kile wa ya kwa metsweding ya lewatle, wa itsamaela kwa tlasetlase ga madiba a lone? A o kile wa bulelwa dikgoro tsa loso? A o kile wa bona dikgoro tsa lefifi le le kwenneng? A o lemogile bophara jwa lefatshe? Bolela, fa o itse tsotlhe tseo! Tsela e kae e e yang kwa lesedi le nnang teng? Le felo ga lefifi go kwa kae? Mo o ka di isang kwa teng ga melelwane ya tsona, mo o itseng ditsela tse di yang kwa matlong a tsona. Legale o a itse! Kana o tsetswe ka metlha ele; palo ya malatsi a gago e kgolo! A o kile wa fitlha kwa polokelong ya semathana? A o kile wa bona polokelo ya sefako tse di boloketseng sebaka sa tlalelo le letsatsi la ntwa le la tlhabano? Tsela e kae e e yang kwa lesedi le abelwang teng, kwa phefo ya botlhabatsatsi e tsogang teng go ralala lefatshe? Ke mang yo o epileng melapo ya dipula tse dikgolo, a dira tsela ya logadima lwa maru, e le go nesa pula mo lefatsheng le le se nang motho, le mo sekakeng kwa go sa nneng batho teng; e le go nosetsa naga e e omileng le e e senya, e le go tlhogisa bojang jo bošwa mo nageng? A pula e na le rraayo? Gongwe marothodi a monyo a tsalwa ke mang? Dikgapetla mmaa-tsona ke mang, le kgogotshwane ya legodimo ke mang yo o e belegeng, fa metsi a thatafala, a nna jaaka matlapa, fa sefatlhego sa bodiba se nyele dikgapetla? A wena o ka bofaganya Selemela, gongwe a o ka bofolola dithapo tsa Dikolobe? A o ka bolotsa dinaledi ka go latelana ga tsona mo ngwageng? A o ka tsamaisa dinaledi tsa Bere e kgolo le tsa Bere e nnyane? A o itse melao ya legodimo? A o le laodisa mo lefatsheng? A o ka tsholeletsa lentswe kwa marung gore morwalela wa metsi o go khurumetse? A o ka roma dikgadima gore di bolole di go ree di re: ‘Re fano’? Ke mang yo o beileng botlhale mo marung? Ke mang yo o neileng dilo tsa loapi tlhaloganyo? Ke mang yo o balang maru ka botlhale? Ke mang yo o tshololang makuka a legodimo, fa lerole le fetoga seretse, fa makote a ngaparelana? A o tsomela tau e namagadi phologolo gongwe a o kgorisa ditawana, fa di ratela marobalo, fa di di lalela mo sekhung? Ke mang yo o baakanyetsang legakabe dijo, fa mamphorwana a lone a lelela Modimong, fa a kgarakgatshega ka go tlhoka dijo? “A o itse sebaka se mefele ya mafika e tsalang ka sona? A o disa ditholo, fa di segwa ke maralalo? A o bala dikgwedi fa di ntse di dusa? A o itse sebaka se di tsalang ka sona? Di kudupane di tsale bana ba tsone, di fetse go segwa ke maralalo. Bana ba tsone ba tie ba golele mo nageng; ba di tlogele, mme ba se ke ba boele kwa go tsone. Yo o rebotseng esele ya nageng ke mang, ke mang yo o bofolotseng dikgole tsa pitse ya nageng e ke dirileng sekaka ntlo ya yona ka dira naga ya dikgalaopa bonno jwa yona? E tshega modumo wa motse; ga e utlwe dikgalemelo tsa mokgweetsi. E batla mafulo a yona kwa dithabeng, e latelela tsotlhe tse ditala. A nare e ka rata go go direla? Gongwe a e ka lala fa segopong sa gago? A o ka golega nare ka kgole ya yona gore e leme? Gongwe a e tla ega mekgatsha e go setse morago? A o ka e ikanya, ka thata ya yona e le e kgolo? Gongwe a o ka e tlogelela tiro ya gago? A o ikaega ka yona gore e tla busa kotulo ya gago, e e phuthela mo seboaneng sa gago? Diphuka tsa ntšhwe yo monamagadi di a phuphutha. A diphuka le mafofa tsa gagwe di supa lorato? Kana o tlogela mae a gagwe fa fatshe, mme a a thuthuse mo leroleng. A lebale gore a ka gatakwa ke ditlhako gongwe a ka pšhwetlwa ke diphologolo tsa naga. A direle bana ba gagwe ka bopeloethata jaaka e kete ga se ba gagwe. Le fa tiro ya gagwe e le ya lefela, ene ga a kgathale. Gonne Modimo o mo timile botlhale; ga o a ka wa mo abela tlhaloganyo. Mme e a re a phuphutha ka diphuka, a siane, a tshege pitse le mopalami wa yona. A o naya pitse thata? A o apesa thamo ya yona ka moetse? A o e matlisa jaaka tsie? Pudulo ya yona e e mabela e a boitshega. E tiba ka ditlhako mo molapong e thabile; e bolole ka thata go kgatlhantsha marumo. E tshega poifo, mme ga e tshoge; ga e boe go tshaba ditšhaka. Mo go yona go tlharakana mokotlopo; go phatsima tšhaka le lerumo. E ja naga ka loratla le lebelo; ga e eme, fa lonaka lo lela. Ka nako le nako, fa go lela lonaka a re: ‘Ahee!’ Mme e dupelele tlhabano le dikgalemo tsa balaodi le mekgosi ya ntwa, e ntse e le kgakala. A segodi se fofa ka tlhaloganyo ya gago, se tsharololela diphuka tsa sona kwa borwa? Kampo a lenong le fofa kwa godimo ka taolo ya gago, le dire sentlhaga sa lone kwa godimo? Le se agile mo mafikeng; le nna mo menong a dithaba le mo ditlhoeng tsa tsona. Go tswa teng le tlhola dijo; matlho a lone a bonela kgakala. Mamphorwana a lone le ona a nwa madi; mme fa go leng ditoto teng le lone le gona.” Morena a araba Jobe a re: “A mongongoregi o rata go lwa le Mong-wa-thata-yotlhe? Yo o sekang le Modimo a a fetole!” Ke fa Jobe a araba Morena a re: “Bona, ga ke lekane. Nka go araba ka reng? Ke itshwara molomo. Ke buile gangwe, ga nkitla ke boelela; ee, gabedi, mme ga nkitla ke araba gape.” Morena a ba a fetola Jobe, a le mo ledimong, a re: “A ko o itlame letheka jaaka monna! Ke tla go botsa, o nthute! A tota o a re o roba tshiamo ya me? A o a re o mpona molato gore o nne yo o siameng? A o na le letsogo le le kana ka la Modimo? A o ka dumisa maru ka lentswe jaaka ona? A ko o ikgabise ka borena le bogolo; o ikapese ka phatsimo le kgalalelo! Gorometsa dikgakalo tsa bogale jwa gago, o bone mongwe le mongwe yo o ikgodisang, o mo kokobetse. Leba botlhe ba ba ikgodisang o ba inamise; o gatake baikepi fa ba leng teng! Botlhe o ba fitlhe mo leroleng; difatlhego tsa bone o di ise kwa di sa tlholeng di ka bonwa. Foo le nna ke tla go boka ke re: ‘Letsogo le le jang la gago le go thusitse.’ A ko o bone kubu e ke e dirileng jaaka le wena ke go dirile! E fula bojang jaaka kgomo. A ko o bone, thata ya yona e mo lethekeng; nonofo ya yona e mo mesifeng ya mpa. E tlhamalatsa mogatla wa yona jaaka kota ya mosetere; mesifa ya dirope tsa yona e raraanye. Marapo a yona a tshwana le kgotlho e e logapa; dikgopo tsa yona di ntse jaaka tshipi. Yona ke moetapele wa ditsela tsa Modimo; yo o e dirileng o e file tšhaka ya yona. Ee, dithaba di e ntshetsa dijo; diphologolo tsotlhe tsa naga di tshameka teng. E a tle e bothe fa tlase ga ditlhare le mo maiphitlhong a motlhaka le loraga. Ditlhare di e okame ka meriti, megokare ya noka e e dikanyetse. Bona, le fa noka e ka tlala, ga e tshabe; e ntse e iketlile, le fa noka e e kana ka Joretane e ka tshologela mo leganong la yona. Ke mang yo o ka e tshwarang e ntse e mo lebile, a e phunye nko ka lomapo? “A o ka goga kwena ka kobe le go gatelela loleme lwa yona ka lodi? A o ka tsenya mogala wa motlhatlha mo nkong ya yona? A o ka e phunya lesama ka kobe? A e ka go kokotlela thata? Gongwe e bua nao ka boleta? A e ka dira kgolagano nao gore o e tshole, e nne motlhanka wa gago ka metlha yotlhe? A o ka tshameka nayo jaaka e kete ke nonyane? A o ka e golegela basetsana ba gago? A batshwari ba ditlhapi ba ka e bapatsa ba e kgaoganyetsa barekisi? A o ka tsepamisa marumo mo letlalong la yona gongwe dikobe tsa ditlhapi mo tlhogong ya yona? Baya seatla sa gago mo go yona! O gopole tlhabano! Ga o kitla o dira gape. Bona, tsholofelo ya go e tshwara e a aketsa; motho o tla wa fela, fa a e bona. Ga go na ope yo o pelokgale go ka e rumola! Jaanong yo o ka emelanang le nna ke mang? Ke mang yo o kileng a nnaya sengwe, yo ke ka mmusetsang? Kana tse di fa tlase ga legodimo lotlhe ke tsa me. Ga nkitla ke didimala ka ga ditokololo tsa yona; ke raya dithata tsa kwena le bontle jwa popego ya yona. Ke mang yo o ka e apolang letlalo? Ke mang yo o ka tsenang mo gare ga metlhagare e mebedi ya yona e ntse e utlwa? Ke mang yo o ka bulang kgoro ya legano la yona? Meno a yona a boitshega ka ntlha tsotlhe. Mokokotlo wa yona ke methalo ya dithebe tsa makape; a tshwaragantswe ka sekano se se tiileng. Lengwe le pataganye le le lengwe; ga go tsene phefo mo gare ga ona. Makape a ngaparelanye a lomaganye; ga a ka ke a patologana. Go ethimola ga yona go phatsimisa lesedi; dintshi tsa matlho a yona di tshwana le mahube. Mo leganong la yona go tswa dirumola; go tswa ditlhase tsa molelo. Dinko tsa yona di kua musi jaaka pitsa e e bedisiwang ka molelo wa metlhatlha. Pudulo ya yona e tukisa magala. Kgabo ya molelo e tswa mo leganong la yona. Thata e mo thamong ya yona; poitshego e e etelela pele. Matlhakore a mmele wa yona a ngaparelanye a tiile mo go yona; ga a tshikinyege. Pelo ya yona e thata jaaka lefika; e tiile jaaka lelwala. Fa e tsoga, go boifa dinatla, di tlhakane tlhogo ka go rerega. Le fa motho a e rema ka tšhaka, tšhaka ga e kgone sepe, le fa e le lerumo gongwe motsu gongwe selepe. Kwena e kaya tshipi bojang fela; kgotlho e e kaya dikgong tse di bodileng. Motsu ga o ka ke wa e tshabisa; mafika a seragamajwe ke dirite mo go yona. Molamu e o kaya dirite fela; e tshega mosumo wa lerumo. Ka fa tlase e na le matlape a a bogale; e tlogela metlhala mo lorageng jaaka selei se se phothang. E bedisa bodiba jaaka pitsa; e hudua letsha jaaka go huduiwa pitsana ya ditlhare. E phatsimisa metsi fa morago ga yona; motlhala wa yona o tshwana le moriri o mmududu. Mo lefatsheng ga go na selekane sa yona; e bopetswe go se boife. E lebile tsotlhe tse dikgolo e sa boife, ka yona e le kgosi ya dibata tsotlhe tse di mabela.” Ke fa Jobe a fetola Morena a re: “Ke a itse gore o kgona tsotlhe; ga o palelwe ke sepe se o se ikaeletseng. O rile ke mang yo o fifatsang maikaelelo a me, yo o se nang kitso? Ke ka moo ke buileng ke se na tlhaloganyo; ka bua metlholo e e mpalelang, e ke sa e itseng. Wa re: ‘A ko o utlwe gore go bue nna!’ Ke tla go botsa, wena o nthute! Ke ne ke go utlwetse fela ka ditsebe, mme jaanong matlho a me a go bonye. Ka moo ke a inyatsa, ke a ikwatlhaya ke le leroleng le moloreng.” E rile Morena a sena go bua mafoko ao le Jobe, Morena a raya Elifase wa Themane a re: “Wena le ditsala tse pedi tsa gago, bogale jwa me bo lo tuketse; gonne ga lo a ka lwa bua ka ga me ka tshwanelo jaaka Jobe, motlhanka wa me. Mme jaanong itseeleng dipoana tse di supang le diphelefu tse di supang, lo ye kwa go Jobe motlhanka wa me, lo itirele setlhabelo se se fisiwang, mme a Jobe motlhanka wa me a lo rapelele; gonne ke ene fela yo ke tla mo lebang gore ke se ka ka lo direla tse di tshwanetseng bosilo jwa lona; gonne ga lo a ka lwa bua tse di siameng ka ga me jaaka Jobe motlhanka wa me.” Ke fa Elifase wa Themane le Biletate wa Sua le Sofare wa Naama ba dira ka fa Morena a ba laetseng ka teng. Mme Morena a leba Jobe ka boitshwarelo. Morena a ba a fetola tatlhego ya ga Jobe, fa a rapelela ditsala tsa gagwe, mme tsotlhe tse Jobe a neng a na natso pele Morena a di mmusetsa gabedi. Ke fa bomorwa-rraagwe botlhe le bokgaitsadie botlhe le botlhe ba a neng a itsanye nabo pele ba tla kwa go ene, ba ja dijo nae mo ntlong ya gagwe, ba lela nae, ba mo gomotsa ka ntlha ya tatlhego yotlhe e Morena a e mo tliseditseng; le gona mongwe le mongwe a mo naya ledi le le lengwe le palamonwana e le nngwe. Mme Morena a tshegofatsa Jobe go tloga jaanong bogolo go metlha ya pele: A rua difutshane di le 14 000 le dikammele di le 6 000 le dipholo tse di gogang di le 2 000 le diesele tse dinamagadi di le sekete. A fiwa bana ba basimane ba ba supang le basetsana ba le bararo. Morwadie wa ntlha a mmitsa Jemima, wa bobedi a mmitsa Ketsia, wa boraro a mmitsa Kerene-Hapuge. Mme go ne go se na basadi mo lefatsheng lotlhe ba ba tshwanang le bomarwadia Jobe ka bontle; le gona rraabo a ba naya boswa mo gare ga bokgaitsadia-bone. Morago ga moo Jobe a phela dinyaga di le 140, a bona bana ba gagwe le bana ba bana ba gagwe go fitlha losikeng lwa bone. Jobe a swa a tsofetse, a kgotshe bophelo. Go sego monna yo o sa tsamaeng ka fa kgakololong ya baikepi, le e seng go gata mo tseleng ya baleofi, le e seng go nna mo mannong a basotli, mme a itumelela molao wa Morena, a akanya molao wa gagwe bosigo le motshegare. O tshwana le setlhare se se tlhomilweng fa dinokaneng tsa metsi, se se ungwang leungo la sona mo motlheng wa sona, se matlhare a sona a sa swabeng, mme tsotlhe tse o di dirang o di swetsa ka lesego. Baikepi ga ba a nna jalo; nnyaya, ba tshwana le moko o phefo e o gogolang. Ka ntlha ya moo baikepi ga ba nke ba atlholelwa mo katlholong, le e seng baleofi mo phuthegong ya basiami. Gonne Morena o itse tsela ya basiami, mme tsela ya baikepi e isa tshenyegong. Kana merafe e huduelang, ditšhaba di akanyetsang dilo tsa boithamako? Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa le babusi ba nnela go logisanya maano a go lwa le Morena le Motlodiwa wa gagwe ba re: “A re kgaoleng dikgole tsa bone, megala ya bone re e tlose mo go rona, re e latlhe!” Ene yo o agileng mo legodimong o a tshega, Morena o a ba sotla. Foo o tla bua nabo ka bogale jwa gagwe, o tla ba tshosa ka kgakalo ya gagwe: “Mme nna, kana ke tlhomile kgosi ya me mo Sione, mo thabeng ya me e e boitshepo!” Ke rata go bolela ka ga maikaelelo a Morena. O ntheile a re: “O morwaake, ke go tsetse kajeno. Lopa mo go nna, mme ke tla go naya merafe go nna boswa jwa gago, le dikhutlo tsa lefatshe go nna leruo la gago. O tla ba robaganya ka thobane ya tshipi; o tla ba thubaganya jaaka sejana sa letsopa.” Ka moo he, tlhalefang, lona dikgosi; tlhagisiwang, lona baatlhodi ba lefatshe. Direlang Morena ka poifo, lo duduetse ka thoromo. Atlang Morwa gore a se ka a gakala, mme lwa latlhega mo tseleng. Gonne bogale jwa gagwe bo ka akofa jwa tuka. Go sego bona botlhe ba ba mo ikanyang. Pesalome ya ga Dafita ya sebaka sa fa a tshaba Abesalomo morwawe. Morena, kana baganetsi ba me ba atile jang! Ba bantsi ba ba ntsogelang, ba bantsi ba ba buang ka ga me ba re: “Ga a na thuso epe mo Modimong.” Sela. Mme wena, Morena, o thebe e e ntshireletsang, o tlotlo ya me le motsholetsi wa tlhogo ya me. Ke tlhaeleleditse thata go Morena, mme a nkutlwa, a le mo thabeng ya gagwe e e boitshepo. Sela. Ke ne ka rapama, ka robala; ka ba ka thanya; gonne Morena o a nkokotletsa. Ga nkitla ke boifa dikete tse di masome tsa batho ba ba ntsogetseng ba ntikanyeditse. Tloga o eme, Morena; mpholose, Modimo wa me! Gonne o iteile baba ba me botlhe mo lotlhaeng, o robile meno a baikepi. Pholoso e mo Moreneng; tshegofatso ya gago e okame morafe wa gago. Sela. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka kwadi ya dithapo. Fa ke bitsa o nkutlwe, Modimo wa tshiamo ya me! Mo pitlaganong ya me o nkatlhamoloseditse bonno; ntlhomogele pelo, o utlwe thapelo ya me! Lona banna, tlotlo ya me e tla nna tshotlo goleele go le kae? Lo tla rata boithamako le go batla maaka goleele go le kae? Sela. Itseng gore Morena o itlhaoletse yo o mo kgatlhang. Morena o a utlwa fa ke tlhaeleletsa go ena. Galefang, mme lo se leofe; buang ka dipelo tsa lona mo malaong a lona, mme lo didimale. Sela. Tlhabang ditlhabelo tsa nnete, lo ikanye Morena. Ba bantsi ba re: “Ke mang yo o re bontshang se se molemo? Morena, re sedifaletse ka lesedi la sefatlhego sa gago.” Pelo ya me o e tladitse boitumelo jo bo fetang jwa bona, jwa letlotlo la mabele le la bojalwa. Ke tla ya go lala ka kagiso, ke thulamela; gonne ke wena Morena o le wesi yo o mphedisang mo kagisong. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka ditlhaka. Morena, sekegela mafoko a me tsebe, o ele phegelo ya me tlhoko; reetsa lentswe la me le le goelang thuso, Kgosi ya me le Modimo wa me, gonne ke rapela wena. Morena, o tla utlwa lentswe la me mo mosong; ke tla go baakanyetsa tshupelo ya thapelo mo mosong, ke lebelela. Gonne ga o Modimo o o natefelwang ke boikepo, mme yo o bosula ga a kitla a nna nao. Baikgantshi ga ba kitla ba ema fa pele ga matlho a gago; o tlhoile botlhe ba ba dirang tshiamololo. O tla nyeletsa ba ba buang maaka; monna wa polao le wa tsietso o tena Morena. Mme nna nka tsena mo Ntlong ya gago ka ntlha ya bogolo jwa bopelotlhomogi jwa gago, ka obamela mo Tempeleng e e Boitshepo ya gago ke go boifa. Morena, ntsamaise mo tshiamong ya gago ka ntlha ya baba ba me; tlhamalatsa tsela ya gago fa pele ga me. Gonne ga go na sepe se se ikanyegang mo melomong ya bona; mateng a bona ke tshenyego; memetso ya bona ke mabitla a a atlhameng; ba rethefatsa diteme tsa bona. Ba bee molato, Modimo; a ba we ka ntlha ya maano a bona; ba leleke ka ntlha ya bontsi jwa ditlolo tsa bona; gonne ba a go rukhutlhegela. Mme botlhe ba ba go ikanyang a ba itumele, a ba duduetse ka gale, mme o ba femele. Le bona ba ba ratang leina la gago a ba ipele mo go wena. Gonne o tshegofatsa mosiami, Morena, o mo dikanyetsa ka bopelonomi jaaka ka thebe. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka kwadi ya dithapo, e na le kodu ya moporo. Morena, se mpetse ka bogale jwa gago, se nkwatlhae o gaketse. Morena, intshwarele: gonne ke swabile. Morena, mphodise; gonne ke remegile marapo, mowa wa me le ona o reregile thata; mme wena, Morena, o tla nna goleele go le kae? Boa Morena, o pholose botshelo jwa me, o nthuse ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gago. Gonne mo losong ga o gopolwe; ke mang yo o tla go lebogang kwa felong ga baswi? Ke lapile ka go fegelwa ga me, ke edisa bolao jwa me bosigo bongwe le bongwe, ke kolobisa phate ya me ka dikeledi tsa me. Leitlho la me le fifaditswe ke bohutsana, le onetse ka ntlha ya baganetsi botlhe ba me. Ntlogeleng lona lotlhe badiratshiamololo; gonne Morena o utlwile lentswe la selelo sa me. Morena o utlwile mekokotlelo ya me, Morena o amogela thapelo ya me. Baba ba me botlhe ba tla tlhajwa ke ditlhong, ba tshoga thata; ba tla boela kwa morago, ba tlhajwa ke ditlhong ka tshoganyetso. Sefela sa ga Dafita se o se opeletseng Morena ka ntlha ya mafoko a ga Khuše wa Mobenyamene. Morena, Modimo wa me, ke tshabela kwa go wena; nkgolola mo bapatiking botlhe ba me, o mpholose, e se re gongwe ba nkgagola jaaka tau, ba mphamola go se ope yo o gololang. Morena, Modimo wa me, fa ke dirile jalo, fa go na le tshiamololo mo diatleng tsa me, fa ene yo o nang a na le kagiso le nna ke mo diretse bosula; fa ke senyeditse ene yo o neng a le moganetsi wa me ka bomo; fa go ntse jalo, a mmaba a nteleke, a ntshware, a gatakele bophelo jwa me mo mmung, tlotlo ya me a e latse mo leroleng. Sela. Morena, tloga o eme mo bogaleng jwa gago, bololela baganetsi ba me ba ba nkgakaletseng, o tsoge ka ntlha ya me, wena yo o laotseng katlholo. A phuthego ya merafe e go dikanyeletse, o boele kwa godimo, o ba okame. Morena, o atlhola merafe. Morena, ntshiamisetse ka fa tshiamong ya me le ka fa ke se nang molato ka teng. Dira gore boikepo jwa baikepi bo khutle! Tlhomamisa mosiami, wena yo o lekang dipelo le diphilo, wena Modimo o o siameng. Thebe ya me e mo Modimong o o thusang ba ba dipelo di boammaaruri. Modimo ke moatlhodi yo o siameng, e bile ke Modimo o o galefang ka letsatsi le letsatsi. Fa motho a sa sokologe, o lootsa tšhaka ya ona, o gagamatsa bora jwa ona, o supa ka jona; o mmaakanyeditse dibolai tsa loso, o dira metsu ya ona go nna e e tukang. Bonang, motho yoo o nna moimana ka boikepo, o ithwele tshiamololo, o tsala maaka. O epile lemena, a le gaba; mme o wetse mo gopong e o e dirileng. Tshenyo ya gagwe e boela tlhogong ya gagwe, le go thubaka ga gagwe go wela mo phogong ya gagwe. Ke tla baka Morena ka ntlha ya tshiamo ya gagwe, ke opelela leina la Morena Mogodimodimo. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi ka fa moopelong wa ba ba gatang segatelo. Morena, Mmusi wa rona, leina la gago le galalela jang mo lefatsheng lotlhe, wena yo borena jwa gago bo opelelwang kwa legodimong! O itiretse tumiso e kgolo, e tswa mo melomong ya bana le ya masea, ka ntlha ya baganetsi ba gago, gore o didimatse baba le baipusolosetsi. Fa ke lebile magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago le ngwedi le dinaledi tse o di tlhomileng – kana motho ke eng, fa o mo gopotse, ngwana wa motho ke eng, fa o mmabalela? O mo tlhaedisitse baengele go le gonnye fela, wa mo rwesa kgalalelo le bontle. O mo dirile molaodi wa ditiro tsa diatla tsa gago; o beile dilo tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe, tsotlhe, dinku le dikgomo, le tsona diphologolo tsa naga, dinonyane tsa loapi le ditlhapi tsa lewatle, le fa e le eng se se ralalang lewatle ka ditsela tsa lone. Morena, Mmusi wa rona, kana leina la gago le galalela jang mo lefatsheng lotlhe! Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi ka fa moopelong wa “Swela morwa”. Ke tla go leboga, Morena, ka pelo yotlhe, ke tla bolela dikgakgamatso tsotlhe tsa gago. Ke tla itumela, ke ipela mo go wena; ke tla opelela leina la gago, wena Mogodimodimo. Ka gonne baba ba me ba katile ka morago, ba kgotšwa, ba nyelela fa pele ga gago. Gonne o emetse tshiamo ya me le tsheko ya me, wa ipaya mo sedulong sa bogosi, o le moatlhodi yo o siameng. O kgalemetse Baditšhaba, wa nyeletsa baikepi, maina a bona wa a phimolela ruri. Baba ba sule, ke marope fela ka bosakhutleng, le metse o e thubile, go gopolwa ga yona go ile. Mme Morena ene o nnela ruri, sedulo sa gagwe o se baakanyeditse go atlhola. O atlhola lefatshe ka tshiamo, o siamisetsa merafe ka boammaaruri. Ka moo Morena ke botshabelo jo bo thata jwa bapatikwa, ke botshabelo jo bo thata mo metlheng ya pitlagano. Ba ba itseng leina la gago ba a go ikanya; ka gonne wena Morena ga o ke o tlogela ba ba go batlang. Opelelang Morena yo o agileng mo Sione; bolelang ditiro tsa gagwe mo merafeng. Gonne ena yo o busolosang madi o ba gopotse, ga a lebale selelo sa batlalelwi. Morena, intshwarele, ela se ke se bogang mo go bona ba ba ntlhoileng tlhoko, wena yo o ntsholetsang mo dikgorong tsa loso, gore ke tle ke bolele dipôkô tsotlhe tsa gago, ke dudueletse pholoso ya gago mo dikgorong tsa morwadia Sione. Baditšhaba ba wetse mo lemeneng le ba le epileng, dinao tsa bona di tshwerwe ke letloa le ba le thaileng mo sephiring. Morena o ikitsisitse, o dirile katlholo, moikepi o raraanye ka tiro ya diatla tsa gagwe. Go a lediwa. Sela. Baikepi ba tla boela kwa felong ga baswi, le baheitane botlhe ba ba lebetseng Modimo. Gonne bahumanegi ga ba nke ba lebalelwa ruri, le tsholofelo ya babogisegi ga e kitla e tlhokafalela ruri. Tloga o eme, Morena! A motho a se ka a thatafala, a baheitane ba atlholwe fa pele ga gago. Morena, ba tlatse poifo, a baheitane ba itemoge, fa e le batho fela. Sela. Morena, o emetseng kgakala, o iphitlhetseng mo metlheng ya pitlagano? Motlalelwi o pitlagantswe ka ntlha ya boikgantsho jwa baikepi. A ba tshwarwe ke maano a ba a logileng a boferefere. Gonne moikepi o ikgantsha ka keletso ya gagwe; mmapadi wa tsietso o tshegofatsa ke go re o kgala Morena. Moikepi, mo boikgodisong jwa gagwe ga a batle Modimo; o ithaya a re: “Ga go na Modimo.” Ke yona megopolo yotlhe ya gagwe. Ditsela tsa gagwe di na le botswelelopele ka gale, dikatlholo tsa gago di kwa godimodimo, kgakala le ena; baganetsi botlhe ba gagwe o a ba budula. Mo pelong ya gagwe o ithaya a re: “Ga ke na go tshikinyega, ke mongwe yo ke se kitlang ke wela mo tlalelong go ya bokhutlong.” Molomo wa gagwe o tletse khutso le tsietso le patiko; fa tlase ga loleme lwa gagwe go na le letshwenyo le tshenyo. O bataletse mo talelong ya metse; yo o se nang molato o mmolaela mo sephiring; matlho a gagwe a tlhomilwe mo go yo o tlhokang letlhogonolo. O lalela mo sephiring jaaka tau mo sekhung sa yona, o laletse mmogisegi gore a mo tshware; o tshwara motlalelwi ka go mo goga ka letloa la gagwe. O a boba, a batalale, mme ba ba tlhokang letlhogonolo ba wele mo maroong a gagwe. O ithaya mo pelong a re: “Modimo o lebetse, o ipipile sefatlhego, ga o kitla o go bona ka gope.” Morena, nanoga, Modimo, tsholetsa letsogo, se lebale batlalelwi! Kana moikepi o kgalelang Modimo, a ithaya mo pelong a re: “Ga o ne o busolosa”? Wena o bonye; gonne o lebile tapisego le tshwenyego gore di beiwe mo seatleng sa gago. Yo o itlhokang o di neetse wena, o mothusi wa dikhutsana. Robaganya letsogo la moikepi; yo o bosula o busolose boikepo jwa gagwe, gore o se ka wa tlhola o bo bona. Morena ke Kgosi ka gale le ka bosakhutleng, baheitane ba nyeletse mo lefatsheng la gagwe. Morena, o utlwile keletso ya baikokobetsi, o tiisa dipelo tsa bone, o tlhwaya tsebe go utlwa, go tla o siamisetsa khutsana le mopatikwi, gore motho wa lefatshe a se ka a tlhola a ba tlhorisa. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Ke itiketsa ka Morena; lo ka nthaya jang lo a re: “Tshabela kwa thabeng jaaka nonyane? Gonne bona, baikepi ba gagamatsa bora, ba beile metsu ya bone mo thapong ya jona, gore e re ba le mo fifing, ba tle ba hule ba ba dipelo di boammaaruri. Fa metheo e thujwa, mosiami a ka dirang?” Morena o mo Tempeleng ya gagwe e e Boitshepo, Morena, yo sedulo sa gagwe sa bogosi se leng mo legodimong. Matlho a gagwe a bona lefatshe, dintshi tsa matlho a gagwe di keleka bana ba batho. Morena o sekaseka mosiami le moikepi; mowa wa gagwe o tlhoile yo o ratang kgatelelo. O tla nesetsa baikepi magala; molelo le sebabole le ledimo le le bolelo ke tsona senwelo sa bona se ba se abetsweng. Gonne Morena o siame, o rata ditiro tse di siameng. Ba nnete ba tla bona sefatlhego sa gagwe. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e na le kodu ya moporo. Morena, thusa; gonne ga go tlhole go na le yo o boifang Modimo, mme ba ba ikanyegang ba fedile mo baneng ba batho. Ba bua maaka mongwe le yo mongwe, ba bua ka melomo e e borethe le bopelopedi. A Morena a nyeletse melomo yotlhe e e borethe, le loleme lo lo buang dilo tsa boikgodiso; bona ba ba reng: “Re thata ka diteme tsa rona, re na le melomo ya rona; mmusi yo o re laolang ke mang?” Mme Morena a re: “Jaanong ke tla tsogela pogiso ya batlalelwi le phegelo ya batlhoki, ke thusa ene yo o lelelang thuso.” Mafoko a Morena ke mafoko a a phepa, ke selefera e e itshekisitsweng mo leubelong e e tshologelang fa fatshe, e itshekisitswe gasupa. Wena Morena, o re boloke, o re sireletse mo losikeng loo ka bosakhutleng. Fa tshenyego e godile mo baneng ba batho, baikepi ba ikgantsha mo ntlheng tsotlhe. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Morena, go tla nna goleele go le kae? A o tla ntebalela ruri? O tla mphitlhela sefatlhego sa gago sebaka se se kana kang? Ke tla akanya goleele go le kae mo moweng wa me, ke tlhola ke tletse bohutsana mo pelong? Mmaba wa me o tla inkgodisetsa sebaka se se kana kang? A o ko o bone, o nkutlwe, Morena, Modimo wa me! Sedifatsa matlho a me gore ke se robale thobalo ya loso, le gore mmaba wa me a se re: “Ke mo fentse,” mme baganetsi ba me ba se ipele, fa ke theekela. Mme nna, ke ikanya boitshwarelo jwa gago; pelo ya me e tla ipelela thuso ya gago. Ke tla opelela Morena pako, ka a ntiretse molemo. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Lesilo le bua mo pelong ya lone le re: “Modimo ga o yo.” Ba a senya, ba dira tsa maila; ga go ope yo o dirang molemo. Morena o lebile bana ba batho a le mo legodimong, go bona, fa go le mongwe yo o botlhale, yo o batlang Modimo. Ba fapogile botlhe, ba senyega mmogo. Ga go ope yo o dirang molemo, le e seng a le mongwe fela. A botlhe ba ba dirang tshiamololo ga ba na kitso, bona ba ba metsang batho ba me jaaka ba ja senkgwe? Morena ga ba mmitse. Foo ba tla tshoga mo go boitshegang; gonne Modimo o mo losikeng lo lo siameng. Maano a ba a logelang mmogisegi a tla ba tlhabisa ditlhong, gonne Morena ke botshabelo jwa gagwe. E kete pholoso ya Iseraele e ka bo e tla e e tswang mo Sione! E ne e tla re Morena a fetola tatlhego ya morafe wa gagwe, Jakobe a duduetse, Iseraele a itumele. Pesalome ya ga Dafita. Morena, ke mang yo o ka tsenang mo Tenteng ya gago? Ke mang yo o ka nnang mo thabeng ya gago e e boitshepo? Ke ene fela yo o sepelang a se na molato, a dira ka tshiamo, a bua boammaaruri ka pelo; yo o sa senyeng motho leina ka loleme, a sa direle mongwe-ka-ene bosula, a sa kgobe wa ga gabo; yo molatlhegi a nyatsegang mo matlhong a gagwe, mme a tlotla ba ba boifang Morena; yo e a reng a ikanetse sengwe, a se ke a fetoge, le fa a ka senyegelwa; yo o sa adimeng madi ka go a tsadisa, a sa rekwe go patika yo o se nang molato. Yo o dirang jalo, ga a kitla a tshikinyega ka gope. Loboko lwa ga Dafita. Modimo, mpoloke, gonne ke ikanya wena! Ke reile Morena ka re: “Ke wena Morena wa me, ga ke na molemo ope kwa ntle ga gago.” Fa e le baitshepi ba ba mo lefatsheng, bona batlotlegi ke ba ba nkgatlhang. Dipogo tsa bona ba ba ipatlelang medimo e sele di tla ntsifala. Ga nkitla ke e isetsa ditshupelo tsa madi, le e seng go bua maina a yona ka molomo wa me. Morena ke kabelo ya boswa jwa me, le ya senwelo sa me; o tshegeditse kabelo ya me. Melelwane e ntiteetse ka fa mafelong a a monate. Ee, ke na le boswa jo bontle. Ke tla baka Morena yo o nkgakolotseng. Ee, le mo bosigong diphilo tsa me di a nkaela. Ke ntse ke emisitse Morena fa pele ga matlho a me; ga nkitla ke tshikinyega, ka a nkeme ka fa letsogong le le jang. Ka moo pelo ya me e a itumela, le mowa wa me o a ipela; mmele wa me le ona o tla ikhutsa o iketlile. Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me go tsena mo bobipong, le e seng go leseletsa moitshepi wa gago go bona go bola. O tla nkitsise tsela ya bophelo; go kgora boitumelo, go fa pele ga sefatlhego sa gago, le go ja monate fa letsogong le le jang la gago ka bosakhutleng. Thapelo ya ga Dafita. Morena, utlwa go rapelela tse di siameng, o tlhokomele go kua ga me; reetsa thapelo ya me e e seng ya molomo wa tsietso. A tse di ntshiametseng di tswe mo go wena; a matlho a gago a lebe ka tshiamo. O leka pelo ya me, o nkeleka mo bosigong, o a ntlhotlhomisa, mme ga o fitlhele tse di tlhabisang ditlhong mo go nna; le molomo wa me ga o senye. Fa e le ditiro tsa batho, ke ila ditsela tsa mogateledi ka fa lefokong la molomo wa gago. Dikgato tsa me di paleletse mo metlhaleng ya gago; dinao tsa me ga di a ka tsa theekela. Ke goela kwa go wena, Modimo; gonne o a nkutlwa; ntshekegele tsebe o reetse polelo ya me. Supa maitshwarelo a gago ka mokgwa o o gakgamatsang, wena yo o gololang ba ba ikanyang letsogo le le jang la gago mo baganetsing ba bona. Mpoloke jaaka thaka ya leitlho, o mphemele mo moriting wa diphuka tsa gago, o mphemele mo baikeping ba ba nkgatelelang le mo babeng ba me ba ba ntikanyetsang go mpolaya. Ba thatafaditse dipelo tsa bona; ba bua ka melomo ya bona ka boikgantsho. Ba re dikanyeditse re ntse re tsamaya; ba re tlhomile matlho go re digela fa fatshe. Ba tshwana le tau e e gakaletseng go gagola, le tawana e e laletseng fa e bobileng teng. Nanoga, Morena, o ba kgatlhantshe, o ba digele fa fatshe. Mpholose mo moikeping ka tšhaka ya gago, le mo banneng ka letsogo la gago, Morena, le mo banneng ba lefatshe, ba kabelo ya bona e leng mo bophelong jono, ba o tlatsang dimpa tsa bona lehumo la gago; bana ba bona ba a kgora, letlotlo la bona ba le tlogelela masea a bona. Mme nna ke tla leba sefatlhego sa gago ke le mo tshiamong, ke tla kgora setshwano sa gago mogang ke thanyang. Ya moopedisi. Pesalome ya ga Dafita, motlhanka wa Morena, yo o neng a tlhabela Morena sefela se, ka sebaka se Morena o neng a mo golola ka sona mo diatleng tsa baba botlhe ba gagwe le mo seatleng sa ga Saule. Mme a re: “Ke go rata ka pelo yotlhe, Morena, thata ya me. Morena ke lefika la me le phemelo ya me ya kwa thabeng le mogolodi wa me; ke Modimo wa me le lefika la phemelo la me, le ke tshabelang kwa go lone, le thebe ya me le lonaka lwa me lwa pholoso le kago ya phemelo ya me. E a re fa ke bitsa Morena yo o bakwang, ke gololwe mo babeng ba me. Makhubu a loso a ne a ntikanyeditse, dinoka tsa tatlhego di ne di mpoifisa. Dikgole tsa felo ga baswi di ne di ntsentse gare le dithapo tsa loso tsa nkwela. E rile ke pitlagantswe, ka lelela Moreneng, ka kuela Modimong wa me; wa utlwa lentswe la me o le mo Tempeleng ya ona, selelo sa me sa tla fa pele ga ona, sa tsena mo ditsebeng tsa ona. Foo lefatshe la reketla, la roroma, metheo ya dithaba ya roroma, ya tshikinyega, ka o ne o galefile. Ga kua musi, o tswa mo nkong ya ona, molelo wa tswa mo molomong wa ona o senya, magala a tswa mo go ona a tuka. Wa sekamisa legodimo, wa fologa; lefifi la nna fa tlase ga dinao tsa ona. O ne o palame Kerubime o fofa; o kala o le mo diphukeng tsa phefo. Wa dira lefifi sesiro sa ona, le lefifi la metsi le maru a a maima wa di dira motlaagana o o itikanyeditseng ka ona. Mo kgalalelong e e fa pele ga ona ga tswa maru a ona le sefako le magala a molelo. Morena a dumisa maru kwa legodimong; Mogodimodimo a utlwatsa lentswe la gagwe, ga nna sefako le magala a molelo; a hula metsu ya gagwe, a phatlalatsa baba; a rathisa tladi, a ba tshosa. Mateng a lewatle a bonala, metheo ya lefatshe ya senoga ka ntlha ya kgalemo ya gago, Morena, ka ntlha ya go suma ga mowa wa nko ya gago. O ne a ntsha letsogo a le kwa godimo, a ntshwara, a nkinola mo metsing a magolo. A nkgolola mo babeng ba me ba ba thata le mo go ba ba ntlhoileng; gonne ba ne ba mpheta ka thata. Ba nkwetse mo letsatsing la tlalelo ya me, mme Morena a nna seitsetsepelo sa me. A nkgogela kwa ntle mo mafelong a a atlhameng, a nkgolola, ka gonne ke a mo kgatlha. Morena o ne a ntuela ka fa tshiamong ya me, a mpusetsa ka fa boitshekong jwa diatla tsa me. Gonne ke tshwere ditsela tsa Morena, mme ga ke a ka ka ikepa mo Modimong wa me. Gonne tsotlhe tse di siameng fa pele ga ona, ke ntse ke di tlhokomela, mme ga ke a ka ka tlosa melao ya ona fa go nna. Ke ne ke siame fa pele ga ona, ka itisa gore ke se nne molato. Ka moo Morena a ntuela ka fa tshiamong ya me le ka fa boitshekong jwa diatla tsa me, jo bo fa pele ga matlho a gagwe. O itshupa o le bopelotlhomogi mo go yo o tlhomogang pelo; o itshupa o le tlhamalalo mo monneng yo o tlhamaletseng. O itshupa o le phepa mo go yo o phepa, mme mo molotsaneng o itshupa o le kgopo. Gonne batho ba ba bogisiwang o ba direla kgololo; mme matlho a a mabela o a a kokobetsa. Ee, o tukisa lobone lwa me; Morena, Modimo wa me o sedifatsa lefifi la me. Gonne ke tlhasela lesomo la baba ka wena; ke tlola lobota ka Modimo wa me. Tsela ya Modimo oo e itekanetse; lefoko la Morena le itshekile. Ke ene thebe ya botlhe ba ba mo ikanyang. Gonne ke mang yo e leng Modimo fa e se Morena? Gape ke mang yo e leng lefika fa e se Modimo wa rona? Ke ona Modimo o o ntlamang ka thata, o o dirang tsela ya me botlalo. O dira dinao tsa me jaaka tsa tshephe, o nkemisa mo mafelong a me a a godimo. O ruta diatla tsa me go tlhabana, gore mabogo a me a ba a obe bora jwa kgotlho. O nneile thebe ya pholoso ya gago; letsogo le le jang la gago le ntshegeditse; go ikinamisa ga gago go ntira mogolo. O atlhamolositse kgato ya me fa tlase ga me, malengana a me ga a a ka a temeka. Ke lelekile baba ba me, ka ba tshwara, mme ga ke a ka ka boa ke ise ke ba nyeletse. Ke ba thubakile, ba be ba retelelwa ke go tsoga; ba wetse fa tlase ga dinao tsa me. O ntlamile ka thata go tlhabana; o dira gore bona ba ba ntsogetseng ba ikobe fa tlase ga me. Le gona o tshabisitse baba ba me gore ba nkhularele; ba ba ntlhoileng ka ba nyeletsa. Ba goela thuso, mme go se na mothusi ope; ba tlhaeleletsa kwa Moreneng, mme a se ka a ba araba. Ke ne ka ba thuga jaaka lerole fa pele ga phefo, ka ba gelolela kwa ntle jaaka seretse sa mmila. O nkgolotse mo dikganetsanyong tsa batho; o ntirile tlhogo ya merafe. Ke diretswe ke setšhaba se ke neng ke sa se itse. E rile fela fa ba nkutlwela, ba tla go inkobela; bomorwa ditšhaba ba inneela ka go mpoifa. Bomorwa baeng ba a koafala; ba a tla, ba roroma, ba tswa mo maiphitlhong a bona. Morena o a phela. A go bakwe ene lefika la me. A go godisiwe Modimo wa pholoso ya me; ona Modimo o o mpusolosetsang o tsenya batho mo taolong ya me; o nkgolola mo babeng ba me ba ba bogale. Wena o nkgodisetsa ba ba ntsogelang, o nkgolola mo monneng yo o setlhogo. Ke ka ntlha ya moo, Morena, ke ratang go go leboga mo merafeng le go opelela leina la gago pako. Wena yo o nayang kgosi e o e beileng kgololo e kgolo, boitshwarelo o bo supetsa motlodiwa wa gago, e bong Dafita le losika lwa gagwe go ya bosakhutleng.” Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo, phuthologo e rera tiro tsa ona. Letsatsi le bilolela letsatsi le lengwe polelo, le bosigo bo utlwaletsa bosigo jo bongwe kitso. Ga go na polelo le e seng mafoko; modumo wa tsona ga o utlwale. Modumo wa ona magodimo o tswetse mo lefatsheng lotlhe, le mafoko a ona a fitlha kwa mafelelong a lefatshe; Modimo o beetse letsatsi tente kwa go ona magodimo. Le tshwana le monyadi yo o tswang mo ntlwaneng ya borobalo ya gagwe, le itumelela go taboga tseleng ya lone jaaka mogale. Le tswa kwa bokhutlong jwa magodimo, le dikologa go ya bokhutlong jo bongwe jwa ona, mme ga go sepe se se fitlhetsweng mogote wa lone. Molao wa Morena o botlalo, o lapolosa mowa; tshupo ya Morena e a ikanyega, e tlhalefisa yo o sa tlhalefang. Ditao tsa Morena di siame, di itumedisa pelo; taolo ya Morena e phepa, e bonesa matlho. Go boifa Morena go itshekile, go bile go nnela ruri; tse Morena a di siamisitseng ke tsa nnete, di bile di siame tsotlhe. Di eletsega bogolo go gouta le bontsi jwa gouta e ntlentle; di botshe bogolo go dinotshe, e bong mafura a tsona. Le motlhanka wa gago o sedimosediwa ka tsona; go di tlhokomela go na le mosola o mogolo. Ke mang yo o ka itemogang diphoso tsotlhe? Intshwarele tse di fitlhegileng. Le gona thibela motlhanka wa gago mo maleong a boikgantsho, a a se ntaole. Foo ke tla nna mosiami, ke se na molato wa boleo jo bogolo. A mafoko a molomo wa me le kakanyo ya pelo ya me di go kgatlhe, Morena, lefika la me le mogolodi wa me. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. A Morena a go utlwe ka letsatsi la tlalelo; a leina la Modimo wa ga Jakobe le go femele. A a go romele thuso e e tswang mo Felong-ga-Boitshepo, a go kokotletse a le mo Sione. A a gopole ditshupelo tsotlhe tsa gago tsa dijo; a be a itumelele setlhabelo sa gago sa phiso. Sela. A a go neye se pelo ya gago e se eletsang, a dirafatse maikaelelo otlhe a gago. Re tla dudueletsa phenyo ya gago, re tlhoma difoka ka leina la Modimo wa rona. A Morena a dirafatse dikopo tsotlhe tsa gago. Jaanong ke itse gore Morena o thusa motlodiwa wa gagwe, a mo utlwa a le kwa legodimong le le boitshepo la gagwe ka thata e e pholosang ya letsogo le le jang la gagwe. Bangwe ba boka dikoloi tsa tlhabano, ba bangwe ba boka dipitse; mme rona re baka leina la Morena, Modimo wa rona. Bao, ba obegile ba wa; mme rona re tsogile re eme ka tlhomamo. Morena, thusa kgosi, o re utlwe mogang re go bitsang. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Morena, kgosi e itumelela thata ya gago, e dudueletsa thuso ya gago bogolo jang ne! O e neile se pelo ya yona e se eletsang; ga o a ka wa gana kopo ya molomo wa yona. Sela. Gonne o ne wa e kgatlhantsha ka ditshegofatso tsa molemo, wa e rwesa tlhogo ka serwalo sa gouta e ntlentle. E kopile bophelo mo go wena, o bo e neile, botshelo jo boleele ka gale le ka bosakhutleng. Tlotlo ya yona e kgolo ka thuso ya gago; o beile tlotlo le borena mo go yona. Gonne o e beile go nna lesego le legolo thata ka bosakhutleng, wa e itumedisa ka boitumelo fa pele ga gago. Gonne kgosi e ikanya Morena; mme ka bopelotlhomogi jwa Mogodimodimo ga e kitla e theekela. Letsogo la gago le tla fitlha kwa babeng botlhe ba gago; letsogo le le jang le tla tshwara ba ba go tlhoileng. O tla ba direla jaaka pesetso ya molelo, mogang o ipontshang. Morena o tla ba metsa mo bogaleng jwa gagwe, molelo o tla ba nyeletsa. Leungo la bona o tla le nyeletsa, o le tlosa mo lefatsheng, le losika lwa bona mo baneng ba batho. Ba ne ba go gopoletse bosula, ba go logetse maano, mme ba sa nonofa go a dirafatsa. O tla ba hularisa ka go lebisa dithapo tsa bora jwa gago kwa difatlhegong tsa bona. Morena, nanoga o bonale ka thata ya gago; mme re tla opelela bonatla jwa gago, re bo baka. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi ka moopelo wa: “Tshephe ya mahube.” Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng, wa nna kgakala le thuso ya me, kgakala le mafoko a selelo se segolo sa me? Modimo wa me, ke bitsa motshegare, mme ga o nkarabe; le mo bosigong ke a lela, mme ga ke gomotsege. Etswe o le Moitshepi, wena yo o agileng mo dipakong tsa Iseraele. Borraetsho ba ne ba go ikanya, ba ne ba ikanya, mme o ba golole. Ba ne ba goela kwa go wena, mme ba pholosiwa; ba ne ba go ikanya, mme ba se ka ba tlhajwa ke ditlhong. Mme nna ke seboko fela, ga ke motho; ke lesotlwa la batho le monyatsegi wa morafe. Botlhe ba ba mponang ba sotla ka nna, ba petla melomo, ba thukhutha ditlhogo ba re: “O pitiketse matshwenyego kwa Moreneng! A ene a mo golole, a mo pholose, fa a kgatlhwa ke ene.” Ee, ke wena yo o nntshitseng mo mmeleng wa ga mme; wa ntapolosa mo mabeleng a ga mme. Ke sa le ke latlhelwa mo go wena, fa ke tsalwa; o Modimo wa me go tswa botsalong jwa me. Se nne kgakala le nna, gonne pitlagano e gaufi, mme ga go na mothusi. Dipoo tse dintsi di ntikanyeditse; dipoo tse di thata tsa Basane di ntikile. Di nkatlhamiseditse magano a tsona, jaaka tau e e gagolang, e e dumang. Ke tsholotswe jaaka metsi, marapo otlhe a me a lokologile; pelo ya me e fetogile ya nna jaaka mmotu, e gakologile mo teng ga me. Thata ya me e omeletse jaaka lengetana, loleme lwa me lo kgomaretse magalapa a me; mme o ntatsa mo loroleng lwa loso. Gonne dintšwa di ntikanyeditse, lesomo la basenyi le ntsentse gare; ba phuntse diatla tsa me le dinao tsa me. Nka bala marapo otlhe a me, mme bone ba a mpona, ba ntebile ba kgatlhega. Ba kgaogana diaparo tsa me, mme kojwana ya me ba e tlhamela tengwa. Mme wena, Morena, se nne kgakala le nna, wena thata ya me, itlhaganelele go nthusa. Pholosa botshelo jwa me mo tšhakeng, botshelo jo bo nosi jwa me mo thateng ya ntšwa. Nkgolole mo leganong la tau, o nkarabe (ka go mpholosa) mo dinakeng tsa dinare. Ke rata go bolelela ba ga etsho leina la gago, ke go tumisa mo phuthegong: “Lona ba lo boifang Morena, mo galaletseng; lona boora Jakobe lotlhe, mo tlotleng; lona boora Iseraele lotlhe, mmoifeng! Gonne ga a ka a nyatsa tlalelo ya motlalelwi, le e seng go tenwa ke yona, le e seng go mo fitlhela sefatlhego, mme e rile a goela thuso kwa go ene, a mo ngoka.” Pako ya me mo phuthegong e kgolo e tswa mo go wena. Maikano a me ke tla a dirafatsa fa pele ga bone ba ba mmoifang. Ba ba pelonolo ba tla ja, ba kgora; ba ba batlang Morena ba tla mo galaletsa. A dipelo tsa lona di lapologe ka bosakhutleng! Dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tla gakologelwa, di boela kwa Moreneng, mme ditshika tsotlhe tsa merafe di tla obamela fa pele ga gago. Gonne bogosi ke jwa Morena, o busa merafe. Botlhe ba ba robetseng mo diphupung ba tla obamela ene fela; botlhe ba ba fologetseng kwa leroleng ba tla khubama fa pele ga gagwe, mme ke ene yo mowa wa me o mo phelelang. Losika lo lo tlang lo tla mo direla; losika lo lo kwa pele lo tla bolelelwa ka ga Morena. Ba tla tla ba itsise morafe o o tla tsalwang tshiamo ya gagwe gore Morena o dirile jalo. Pesalome ya ga Dafita. Morena ke modisa wa me, ga nkitla ke tlhoka sepe. O mpothisa mo mafulong a matalana, o nkgogela kwa metsing a tapoloso. O lapolosa mowa wa me; o ntsamaisa mo ditseleng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe. Le fa ke tsamaya mo mogorogorong wa moriti wa loso, ga nkitla ke boifa bosula bope; gonne o na le nna. Tsamma ya gago le seikokotlelo sa gago di a nkgomotsa. O baakanya bojelo fa pele ga me go lebagana le baba ba me; o ntlotsa tlhogo ka lookwane; senwelo sa me se tletse, se a penologa. Ruri molemo le boitshwarelo di tla ntshala morago ka malatsi otlhe a bophelo jwa me; ke tla nna mo Ntlong ya Morena go ya bosakhutleng. Pesalome ya ga Dafita. Lefatshe ke la Morena le tsotlhe tse di mo go lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone. Gonne o le theile mo mawatleng, a le tlhomamisa mo dinokeng. Ke mang yo o tla tlhatlogelang mo thabeng ya Morena? Ke mang yo o tla emang mo felong ga gagwe ga boitshepo? Ke ena yo o diatla di phepa, yo o pelo e itshekileng; yo o sa lebiseng mowa wa gagwe kwa boithamakong, a sa ikanele maaka. Ena yoo o tla amogela tshegofatso mo Moreneng le tshiamo mo Modimong wa pholoso ya gagwe. Ke lone losika lwa ba ba o tlhokomelang, ba ba batlang sefatlhego sa gago, Modimo wa ga Jakobe. Sela. Lona dikgoro, tsholetsang ditlhogo; lona mejako ya bogologolo tala, itsholetseng gore Kgosi ya kgalalelo e tsene. Mme Kgosi ya kgalalelo ke mang? Ke Morena yo o thata, yo o bonatla, Morena, senatla mo tlhabanong. Lona dikgoro, tsholetsang ditlhogo, ee, itsholetseng, lona mejako ya bosakhutleng, gore Kgosi ya kgalalelo e tsene. Mme Kgosi eo ya kgalalelo ke mang? Ke Morena wa masomosomo – Ke ena Kgosi ya kgalalelo. Sela. Pesalome ya ga Dafita. Ke tsholeletsa mowa wa me kwa go wena, Morena. Modimo wa me, ke a go ikanya. A ke se tlhajwe ke ditlhong, a baba ba me ba se ntudueletse. Ee, mo go botlhe ba ba go lebeletseng ga go ope yo o tla tlhajwang ke ditlhong. Ba ba tla tlhajwang ke ditlhong ke ba ba ikepang kwa ntle ga lebaka. Morena, nkitsise ditsela tsa gago, o nthute ditselana tsa gago. Ntsamaise mo boammaaruring jwa gago, o nthute; gonne ke wena Modimo wa pholoso ya me; ke lebeletse wena ka gale. Morena, gopola mautlwelo-botlhoko a gago le maitshwarelo a gago, gonne a ntse a le teng ka bosenatshimologo. O se ka wa gopola maleo a bokau jwa me le ditlolo tsa me. Nkgopole ka fa boitshwarelong jwa gago ka ntlha ya molemo wa gago, Morena. Morena o molemo, ke wa nnete. Ke gona ka moo a rutang baleofi tsela. Ba ba pelonolo o ba tsamaisa ka tshiamo; ba ba pelonolo o ba ruta tsela ya gagwe. Ditselana tsotlhe tsa Morena ke tsa bopelotlhomogi le boammaaruri mo go bona ba ba bolokang kgolagano ya gagwe le ditshupo tsa gagwe. Morena, intshwarele molato wa me ka ntlha ya leina la gago, gonne o mogolo. Motho yo o boifang Morena ke mang? O tla mo ruta ka ga tsela e o tshwanetseng go e itlhaolela. Ene ka esi o tla aga a le tlhogonolo; losika lwa gagwe lo tla rua lefatshe. Morena o kopana le ba ba mmoifang, o ba itsise kgolagano ya gagwe. Matlho a me a lebile Morena ka gale; gonne o tla ntsha dinao tsa me mo letloeng. Retologela kwa go nna, o intshwarele; gonne ke nosi, mme ke tlaletswe. Ditlalelo tsa pelo ya me di oketsegile thata. Nnamolela mo dipatikegong tsa me. Leba tlalelo ya me le thekisego ya me, mme maleo a me o a intshwarele otlhe. Leba baba ba me, gonne ba bantsi; ba ntlhoile ka letlhoo le le bolayang. Boloka mowa wa me, o nkgolole. A ke se tlhajwe ke ditlhong, gonne ke a go ikanya. A bosenamolato le nnete di mpoloke; gonne ke go lebeletse. Modimo, golola Iseraele mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe. Pesalome ya ga Dafita. Ntshiamisetsa, Morena, gonne ke ntse ke tsamaya ke se na molato, ke ikantse Morena ke sa tshikinyege. Ntlhotlhomise, Morena, o nkeleke; tlhatlhoba diphilo tsa me le pelo ya me. Gonne bopelotlhomogi jwa gago bo fa pele ga matlho a me, mme ke tsamaya mo boaammaaruring jwa gago. Ga ke nne le batho ba maaka, ga ke phele le maferefere. Ke ila phuthego ya basulafatsi, mme ga ke nne le baikepi. Ke tlhapa diatla mo bosenangmolato, mme ke tla potologa aletare ya gago, Morena, gore ke utlwatse lentswe la pako le go bolela dikgakgamatso tsotlhe tsa gago. Morena, ke rata boago jwa Ntlo ya gago, e bong felo fa kgalalelo ya gago e agileng teng. Se gogoreletse mowa wa me le baleofi, le e seng bophelo jwa me le batshololamadi; ba go leng ditshenyo mo diatleng tsa bona, ba mabogo a a jang a bona a tletseng theko ya phaposo. Mme nna ke tsamaya ke se na molato. Nkgolola, Morena, o be o intshwarele. Lonao lwa me lo eme mo patlelong, ke tla tumisa Morena mo diphuthegong. Pesalome ya ga Dafita. Morena ke lesedi la me le pholoso ya me; ke tla boifa mang? Morena ke botshabelo jwa bophelo jwa me; ke tla tshoga mang? E a re fa basenyi ba ntsogela go tla go ja nama ya me, e bong baganetsi ba me le baba ba me, ba kgopiwe ka nosi, ba we. Le fa ntwa e ka ntikanyetsa, pelo ya me ga e kitla e boifa; le fa tlhabano e ka ntlhasela, le foo ke tletse boikanyo. Selo se le sengwe se ke se kopileng mo go Morena, se ke se eletsang ke go re, ke nne mo Ntlong ya Morena ka metlha yotlhe ya bophelo jwa me, go leba bontle jwa Morena le go akanya mo Tempeleng ya gagwe. Gonne o mpoloka mo boagong jwa gagwe mo letsatsing la tlalelo; o mphitlha mo botikelong jwa Tente ya gagwe, o ntsholeletsa mo lefikeng. Mme jaanong tlhogo ya me e tla bo e tsholetsegile godimo ga baba ba me ba ba mo tikologong ya me, mme ke rata go tlhaba ditlhabelo tsa meduduetso mo Tenteng ya gagwe. Ke rata go opela, go opelela Morena dipako. Utlwa, Morena, ke kua ka lentswe le legolo; nkutlwele botlhoko, o nkarabe. Pelo ya me e bolela lefoko la gago le le reng: “Batlang sefatlhego sa me.” Ka moo ke batla sefatlhego sa gago, Morena. Se mphitlhele sefatlhego sa gago, se kobe motlhanka wa gago ka bogale; wena yo o neng o le thuso ya me, se ntatlhe, o se ntlogele, Modimo o o mpholosang. Rre le mme ba ntlogetse, mme Morena o a nkamogela. Morena, nthute tsela ya gago, o ntsamaise mo tselaneng e e papannweng ka ntlha ya baba ba me. O se ka wa ntsenya mo thateng ya baganetsi ba me; gonne ke tsogetswe ke basupi ba maaka, le mongwe yo o sumelang go senya. Fa nka bo ke sa dumela gore ke tla bona molemo wa Morena mo lefatsheng la baphedi, nka bo ke latlhegile. Lebelela Morena o namatshege; a pelo ya gago e tie, mme o solofele Morena. Pesalome ya ga Dafita. Ke tlhaeleletsa kwa go wena, Morena; se ntidimalele, lefika la me, e se re gongwe fa o ntidimalela, ka nna jaaka bona ba ba fologelang kwa felong ga baswi. Utlwa lentswe la mekokotlelo ya me, fa ke goela thuso kwa go wena, fa ke tsholeletsa mabogo kwa tengteng ga Felo-fa-go-Boitshepo ga gago. Se nkgogoreletse le badiradibe le basiamolodi ba ba buang kagiso le bangwe-ka-bona, etswe bosula bo le mo dipelong tsa bona. Ba nee ka fa ditirong tsa bona le ka fa bosuleng jwa ditiro tsa bona; ba nee ka fa ditirong tsa diatla tsa bona, ba busetse se ba se dirileng. E re ka ba sa tlhokomele ditiro tsa Morena le e seng tiro ya diatla tsa gagwe, o tla ba rutla, mme ga a kitla a ba aga gape. A Morena a a bakwe; gonne o utlwile lentswe la mekokotlelo ya me. Morena ke thata ya me le thebe ya me; pelo ya me e ne e mo ikanya, mme ka thusega; ka moo pelo ya me e a duduetsa, mme ke mo leboga ka sefela sa me. Morena ke thata ya morafe wa gagwe le botshabelo jo bo pholosang jwa motlodiwa wa gagwe. Thusa batho ba gago, o tshegofatse boswa jwa gago, o ba fudise, o bo o ba belege go ya bosakhutleng. Pesalome ya ga Dafita. Nayang Morena, lona bomorwa Modimo, nayang Morena tlotlo le thata. Nayang Morena tlotlo e e tshwanetseng leina la gagwe; obamelang Morena lo kgabile ka tse di boitshepo. Lentswe la Morena le mo godimo ga metsi; Modimo wa kgalalelo o dumisa maru. Morena o okame metsi a magolo. Lentswe la Morena le thata, lentswe la Morena le a galalela. Lentswe la Morena le robaganya ditlhare tsa mesetere. Ee, Morena o robaganya mesetere ya Lebanone. O karagantsha Lebanone jaaka namane le Sirione jaaka poana ya nare. Lentswe la Morena le a ratha, le ntshe kgabo ya molelo. Lentswe la Morena le roromisa sekaka; Morena o roromisa sekaka sa Kateše. Lentswe la Morena le tsadisa ditshephe, le fotlhe dikgwa, mme mo Tempeleng ya gagwe dilo tsotlhe di bua di re: “Kgalalelo!” Morena o kile a okama Morwalela wa metsi, Morena o bile o ntse a dutse jalo e le kgosi ya bosakhutleng. Morena o tla naya batho ba gagwe thata, Morena o tla tshegofatsa batho ba gagwe ka kagiso. Pesalome ya ga Dafita. Sefela sa kgakolo ya Tempele. Ke tla go godisa, Morena; gonne o ntshwatotse, mme ga o a ka wa leseletsa baba ba me go itumela ka ga me. Morena, Modimo wa me, ke goetse thuso kwa go wena, mme o mphodisitse. Morena, o tlhatlositse mowa wa me mo felong ga baswi, o mphedisitse ke le mo go bona ba ba fologelang mo moleteng. Opelelang Morena, lona baratwi ba gagwe, lo bake segopotso sa boitshepo jwa gagwe. Gonne bogale jwa gagwe ke jwa sebakanyana, mme bopelontle jwa gagwe ke jwa bophelo jotlhe. Maitsiboa go lale go le selelo, mme mo mosong go tsoge go le boitumelo. Mo boiketlong jwa me ke itheile ka re: “Ga nkitla ke tshikinyega ka bosenabokhutlo.” Morena, e rile o intumelela, wa nkemisa mo thabeng ya me e e thata; mme ya re o fitlha sefatlhego sa gago, ka tshoga. Ka goela kwa go wena, Morena, ka kopa Morena ka mekokotlelo ka re: “Go tla go thusa eng, fa madi a me a tshololwa, ke fologela mo lebitleng? A lerole le ka go baka, a le ka bolela boammaaruri jwa gago? Utlwa, Morena, o ntlhomogele pelo; Morena, o nne mothusi wa me.” Selelo sa me o se mphetoletse pina, o nkapotse lesela la khutsafalo, wa ntlama ka boitumelo gore kgalalelo ya me e go opelele pako, mme e se didimale. Morena, Modimo wa me, ke tla go leboga ka bosakhutleng. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Ke ikanya wena, Morena; a ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong ka bosakhutleng; nkgolola ka tshiamo ya gago. Ntshekegele tsebe, o nkgolole ka bonako; o nne lefika la me la botshabelo le ntlo ya phemelo kwa thabeng ya go nthusa. Gonne ke wena lefika la me le botshabelo jwa me; ka moo o nkgoge, o ntsamaise ka ntlha ya leina la gago. O tla ntshwatola mo letloeng le ba nthaisitseng ka lone mo sephiring; gonne ke wena botshabelo jwa me. Ke neela mowa wa me mo seatleng sa gago, ke wena yo o nkgolotseng, Morena, Modimo o o ikanyegang. O ila ba ba direlang medimo ya boithamako, mme nna ke ikanya Morena. Ke tla duduetsa, ke itumela ka ntlha ya bopelontle jwa gago, ka o bonye pogisego ya me, wa ba wa tlhokomela mowa wa me mo ditlalelong. Mme ga o a ka wa ntsenya mo seatleng sa mmaba; dinao tsa me o di tlhomile mo patlelong e e atlhameng. Nkutlwele botlhoko, Morena, gonne ke pitlagantswe; leitlho la me le mowa wa me le mmele wa me di tlhontse ka bohutsana. Gonne bophelo jwa me bo fedisiwa ke tshwenyego, le dinyaga tsa me ke phegelo; thata ya me e reketla ka ntlha ya tshiamololo ya me, marapo a me a a kgobega. Ke nyatsegile mo baganetsing ba me botlhe, bogolo mo go ba ke bapileng nabo, ka nna yo o tshosang mo go ba ke itsanyeng nabo. Ba ba mponang kwa mmileng ba a ntshaba. Ke lebetswe mo pelong jaaka moswi; ke ntse jaaka nkgwana e e thubegileng. Gonne ke utlwa kgalo ya batho ba le bantsi. Poitshego e ntlheng tsotlhe, ka ba gakololana ka ga me; ba ikaeletse go mpolaya. Mme nna ke ikantse wena, Morena, ka re: “O Modimo wa me.” Sebaka sa me se mo seatleng sa gago. Nkgolole mo diatleng tsa baba ba me le mo go ba ba ntelekileng. Phatsimisetsa motlhanka wa gago sefatlhego sa gago, o nthuse ka boutlwelo-botlhoko jwa gago. Morena, se ntese ka tlhajwa ke ditlhong, gonne ke goela kwa go wena. A baikepi ba tlhajwe ke ditlhong, a ba tlhoke puo kwa felong ga baswi. A melomo ya maaka e didimadiwe, e e buang ka makgakga ka ga mosiami ka boikgantsho le lenyatso. Kana molemo wa gago o mogolo jang, o ò o boloketseng ba ba go boifang, wa o direla bona ba ba go ikanyang fa pele ga bana ba batho. O ba fitlha mo botikelong jwa sefatlhego sa gago ka ntlha ya dikhuduo tsa batho; o ba fitlha mo motlaaganeng gore ba se ka ba angwa ke dikgantsho tsa diteme. A Morena a bakwe, ka a ntiretse boutlwelo-botlhoko jwa gagwe ka mokgwa o o gakgamatsang mo motseng o o thata. Le gale nna, e rile ke tshoga, ka re: “Ke kgaotswe, ke tlositswe fa pele ga matlho a gago.” Mme ruri, ya re ke goela thuso kwa go wena, wa utlwa selelo sa mekokotlelo ya me. Ratang Morena, lona lotlhe baratiwa ba gagwe. Morena o boloka ba ba ikanyegang; mme o duela ka botlalo ene yo o dirang ka boikgantsho. Nametsegang, mme a dipelo tsa lona di natlafale, lona lotlhe ba lo lebelelang Morena. Pesalome ya ga Dafita. Sefela sa thuto. Go sego ena yo o itshwaretsweng ditlolo, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng. Go sego motho yo Morena o sa mmaleleng tshiamololo, yo tsietso e se yong mo moweng wa gagwe. E rile ke didimala, marapo a me a remega ka go duma ga me ka letsatsi lotlhe. Gonne letsogo la gago le ne le le bokete mo go nna bosigo le motshegare; bokgola jwa me jwa fetoga komelelo ya selemo. Sela. Ke ne ka go ipobolela boleo jwa me, mme ka se ka ka fitlha tshiamololo ya me. Ke rile: “Ke tla ipobolela Morena ditlolo tsa me,” mme wa tlosa molato wa boleo jwa me. Sela Ka ntlha ya moo modumedi mongwe le mongwe o tla go rapela mo motlheng o ò ka bonwang ka ona; ruri, le fa merwalela e tla gwasa, ga e kitla e fitlha fa go ena. Ke wena phemelo ya me; o nkefosa mo pitlaganong; o ntikanyetsa ka difela tsa kgololego. Sela. Ke tla go itsise, ke go ruta tsela e o tshwanetseng go e tsamaya; ke tla go gakolola ke tsepile matlho a me mo go wena. Se tshwaneng le pitse gongwe moulwe tse di se nang tlhaloganyo, tse mekgabo ya tsona e leng tshipi le marapo go di thapisa, ka di gana go go atamela. Moikepi o na le mahutsana a mantsi; mme yo o ikanyang Morena, boutlwelo-botlhoko bo tla mo dikanyetsa. Itumeleng mo Moreneng, lo bo lo ipele, lona basiami; duduetsang, lona lotlhe ba lo dipelo di tlhamaletseng. Lona basiami, dudueletsang Morena, sefela sa pako se tshwanetse batlhamaladi. Bakang Morena ka kitara, lo mo opelele ka harepa e e dithapo di le some. Mo opeleleng sefela se sešwa, letsang sentle ka tumo e kgolo; gonne lefoko la Morena ke nnete, le go dira gotlhe ga gagwe go a ikanyega. O rata tshiamo le molao; lefatshe lotlhe le tletse bopelotlhomogi jwa Morena. Magodimo a dirilwe ka lefoko la Morena, le lesomo lotlhe la ona ka mowa wa molomo wa gagwe. O kgobokanya metsi a lewatle e kete mo lekukeng, o tsenya merwalela mo difaleng. A lefatshe lotlhe le boife Morena, a botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba rorome fa pele ga gagwe. Gonne o buile, mme ga direga; a laola, ga ba ga nna teng. Morena o nyeleditse kgakololo ya ditšhaba, a senya maano a merafe. Kgakololo ya Morena e tlhomame ka bosakhutleng, le maano a pelo ya gagwe go ya tshikatshikeng. Go sego morafe o Morena e leng Modimo wa ona, batho ba a ba itlhaoletseng go nna boswa jwa gagwe. Morena o leba a le mo legodimong, o bona bana ba batho botlhe; a le mo felong ga boago jwa gagwe, o lebile botlhe ba ba agileng mo lefatsheng; ena yo o bopileng dipelo tsa bona botlhe, yo o tlhokometseng ditiro tsotlhe tsa bona. Kgosi ga e fenye ka mophato o mogolo; mogale ga a pholosiwe ka thata e kgolo. Pitse ga e ikanyege go ka isa phenyong; ga e ka ke ya pholosa ope ka thata e kgolo ya yona. Bonang, leitlho la Morena le lebile bona ba ba mmoifang, bona ba ba lebeletseng bopelontle jwa gagwe, gore a pholose maphelo a bone mo losong, le go ba phedisa, fa ba le mo tlaleng. Mewa ya rona e lebeletse Morena; ke ena thuso ya rona le thebe ya rona. Gonne dipelo tsa rona di itumela mo go ena, ka re ikanya leina le le boitshepo la gagwe. Morena, a bopelontle jwa gago bo nne mo go rona, fela ka fa re go lebeletseng ka teng. Pesalome ya ga Dafita, e a e kwadileng jale, fa a itira setsenwa fa pele ga Abimelege, yo o neng a mo leleka, mme a tsamaya. Ke rata go baka Morena ka metlha yotlhe, tumiso ya gagwe e tla nna mo molomong wa me ka gale. Mowa wa me o tla ipelafatsa ka Morena. Baitshoki ba tla utlwa, ba itumela. Godisang Morena le nna, a re tlotlomatseng leina la gagwe mmogo. Ke ne ka batla Morena, mme a nkaraba, a ba a nkgolola mo dipoifong tsotlhe tsa me. Ba ba lebileng ena ba galalela difatlhego, mme difatlhego tsa bona ga di kitla di sosobana. Motho yo wa batho o biditse, mme Morena a utlwa, a mo thusa mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe. Moengele wa Morena o thibelela tikologong ya bona ba ba mmoifang, a ba golola. Lekang lo bone, fa Morena a le molemo; go sego monna yo o itiketsang ka ene. Boifang Morena, lona baitshepi ba gagwe; gonne ba ba mmoifang ga ba nke ba tlhoka sepe. Ditawana di a tlhoka, di bolawa ke tlala; mme ba ba batlang Morena bona ga ba kitla ba tlhoka molemo ope. Bana ke lona, tlayang lo ntheetse! Ke rata go lo ruta go boifa Morena. Motho ke ofe yo o eletsang bophelo, a rata bontsi jwa malatsi gore a tle a bone molemo? Thibela loleme lwa gago mo bosuleng, le molomo wa gago gore o se ka wa bua tsietso. Thibogela bosula, o dire molemo; batla kagiso, o bo o e latelele. Matlho a Morena a lebile ba ba mmoifang; ditsebe tsa gagwe di sekegetswe go lelela thuso ga bona. Sefatlhego sa Morena se kgatlhanong le ba ba dirang bosula gore a fedise go gopolwa ga bona mo lefatsheng. Basiami ba biditse, mme Morena a utlwa, a ba golola mo ditlalelong tsotlhe tsa bona. Morena o gaufi le ba ba pelo di thubegileng, o pholosa ba ba mewa e kgobegileng. Dipogo tsa mosiami di dintsi, mme Morena o di mo namolela tsotlhe. O boloka marapo otlhe a gagwe, ga go lepe la ona le le robiwang. Bosula bo bolaya moikepi; ba ba tlhoileng mosiami ba tla bonwa molato. Morena o golola mewa ya batlhanka ba gagwe; botlhe ba ba mo ikanyang ga ba kitla ba bonwa molato. Pesalome ya ga Dafita. Morena, ganetsa ba ba nkganetsang; tlhabana le ba ba tlhabanang le nna. Tsaya thejana le thebe, mme o nanogele thusong ya me. Somola lerumo o thibelele babogisi ba me tsela; raya mowa wa me o re: “Ke nna pholoso ya gago.” Ba ba batlang go mpolaya, a ba tlhajwe ke ditlhong, ba nyatsege; ba ba logang maano go ntirela kotsi, a ba busediwe kwa morago, ba sosobane. A ba nne jaaka moko mo phefong, a moengele wa Morena a tle a ba kgophole. A tsela ya bona e nne lefifi le boreledi, fa moengele wa Morena a ba leleka. Gonne ba nkaletse letloa la bona ka bomo mo sephiring, ba nkepela lemena kwa ntle ga molato. A tshenyego e mo wele a sa itse; a letloa le a le adileng sephiring le tshware ene; a a wele mo gopong ka esi. Foo mowa wa me o tla ipela mo Moreneng, o itumelela thuso ya gagwe. Marapo a me otlhe a tla re: “Morena, ke mang yo o tshwanang nao, yo o gololang motlhomolapelo mo go yo o mo fetang ka thata, le motho wa batho le mohumanegi mo go yo o mo thukhuthang?” Go tsoga basupi ba pateletso, ba mpotsa se ke sa se itseng. Ba ntuela molemo ka bosula; ke nosi fela. Mme nna, e rile ba lwala, ka apara kgetse, ka bogisa mowa wa me ka go itima dijo; mme thapelo ya me e boetse sehubeng sa me. Ke boaboetse jaaka e kete ke tsala ya me, e kete ke ngwana wa ga rre; ke tsamaile ke tlhoname ka bohutsana jaaka motho yo o lelelang mmaagwe. Mme koô ya me ba a e itumelela, ba a phuthega; basotli le ba ke sa ba itseng ba a nkgobokanela, ba a kgoba, ga ba didimale. Le ba e seng ba sepe ba a sotlasotla, ba ntšhenela meno. Morena, o tla leba fela sebaka se se kana kang? Falodisa mowa wa me mo ditshenyong tsa bona, o o osi wa me mo ditawaneng. Ke tla go leboga mo phuthegong e kgolo, ke go baka mo bathong ba bantsi. Ba e leng baba ba me, ba se na lebaka, a ba se intumelele; a ba ba ntlhoileng ka bomo fela ba se getle ka leitlho. Gonne ga ba bue kagiso, ba akanya mafoko a tsietso ka ga badidimadi mo lefatsheng. Ba nkatlhamiseditse melomo ba re: “Ahee, ahee, matlho a rona a bonye!” Wena Morena o bonye; o se ka wa didimala; Morena, o se ka wa nna kgakala le nna. Thanya o nanogele go nkatlholela mo tshekong ya me, Modimo wa me le Morena wa me. Nkatlhola ka fa tshiamong ya gago, Morena, Modimo wa me, gore ba se itumele ka nna, ba se bue mo dipelong tsa bona ba re: “Ahee, re rata jalo!” ba se re: “Re mo meditse.” A ba ba itumelelang tlalelo ya me ba tlhajwe ke ditlhong, ba sosobane mmogo. A ba ba inkgodisetsang ba apesiwe nyatsego le ditlhong. A ba ba natefelwang ke tshiamo ya me ba ipele, ba itumele, ba bue ka gale ba re: “Morena o mogolo yo o kgatlhwang ke kagiso ya motlhanka wa gagwe.” Mme loleme lwa me lo tla bolela tshiamo ya gago le pako ya gago letsatsi lotlhe. Pesalome ya ga Dafita, motlhanka wa Morena, e e kwaletsweng moopedisi. Mosenyi a re: “Maikaelelo a ka ke go senya.” Go tshoga Modimo ga a go itse. Gonne o ikgatlha ka esi, a ithaya a re, molato wa gagwe ga o kitla o bonwa le e seng go tlhoiwa. Mafoko a molomo a gagwe ke boikepo le tsietso; o gana go dira tsa botlhale le tse di molemo. O akanya boikepo mo bolaong jwa gagwe; o ikemisa mo tseleng e e seng molemo; bosula ga a bo tlhoe. Morena, bopelontle jwa gago bo fitlha kwa magodimong; boikanyego jwa gago bo fitlha kwa marung. Tshiamo ya gago e ntse jaaka dithaba tsa Modimo; dikatlholo tsa gago ke boteng jo bogolo jwa metsi. Morena, o thusa batho le diphedi. Kana bopelontle jwa gago, Modimo, bo molemolemo jang ne! Bana ba batho ba tshabele mo moriting wa diphuka tsa gago. Ba ja monate wa monono wa Ntlo ya gago; o ba nosa mo nokeng ya dinatefo tsa gago. Gonne motswedi wa bophelo o fa go wena; re bona lesedi ka lesedi la gago. Tsweletsa bopelontle jwa gago mo go bona ba ba go itseng, le tshiamo ya gago mo go bona ba ba dipelo di tlhamaletseng. A lonao lwa boikgantsho lo se nkgate, a diatla tsa baikepi di se nteleke. Foo badiradibe ba tla bo ba ole, ba digilwe, mme ba tla palelwa ke go tsoga. Pesalome ya ga Dafita. O se ka wa tlhodiega ka ga badirabosula; o se ka wa fufegele ba ba dirang tse di sa siamang. Gonne ba omelela ka bonako jaaka bojang; ba swaba jaaka matlhogela a matalana. Ikanye Morena, o dire se se molemo; aga mo lefatsheng, o ikanyege; o natefelwe ke Morena, mme o tla go naya dikeletso tsa pelo ya gago. Laolela Morena tsela ya gago, o mo ikanye, ena o tla dirafatsa; o tla phatsimisa tshiamo ya gago jaaka lesedi, le tshiamelo ya gago jaaka motshegare. Didimalela Morena, o mo lebelele. O se ka wa ngongoregela yo o sego mo tseleng ya gagwe, le monna yo o dirafatsang maano a boferefere. Lesa bogale, o tlogele kgakalo; o se ka wa tuka bogale; bo isa bosuleng. Gonne badirabosula ba tla nyelediwa; mme ba ba lebeletseng Morena bona ba tla rua lefatshe. Go sa le sebakanyana fela moikepi o tla ba a se yo; fa o tlhokomela felo ga gagwe, ga o kitla o mo fitlhela. Mme ba ba pelonomi bona ba tla rua lefatshe, ba natefelwa ke letlotlo la kagiso. Moikepi o logela mosiami maano, a mo šenele meno. Morena o a mo tshega, ka a bona gore letsatsi la gagwe le a atamela. Baikepi ba somotse lerumo, ba oba bora jwa bona go diga motlalelwi le mohumanegi, le go bolaya ba motsamao o o lolameng. Marumo a bona a tla tlhaba dipelo tsa bona ka bosi, le mara a bona a tla rojwa. Bobotlana jwa mosiami bo gaisa letlotlo la baikepi ba bantsi. Gonne mabogo a baikepi a tla rojwa; mme yo o tshegetsang basiami ke Morena. Morena o itse malatsi a ba ba tlhamaletseng; boswa jwa bona bo tla nna ka bosakhutleng. Ga ba nke ba tlhajwa ke ditlhong mo motlheng o o bosula; mo malatsing a tlala ba tla kgora. Mme baikepi ba tla latlhega; baba ba Morena ba ba ntseng jaaka bontle jwa bofulo ba nyeletse, ba fedile jaaka musi. Moikepi o a adima, mme a se ke a buse; mme mosiami ena o pelonomi, o a fa. Gonne ba ba tshegofadiwang ke ena ba tla rua lefatshe; mme ba ba hutsiwang ke ena bona ba tla nyelediwa. Morena o tlhomamisa dikgato tsa monna, fa a kgatlhwa ke tsela ya gagwe. Le fa a ka wa, ga a wele ruri; gonne Morena o tshwere seatla sa gagwe. Ke ne ke le lekau, mme jaanong ke tsofetse. Mme ga ke ise nke ke bone mosiami a tlogetswe, le fa e le bana ba gagwe ba kopa dijo. O tlhola a atswa, a adima ka metlha yotlhe, mme losika lwa gagwe lo tshegofale. Thibogela bosula, o dire molemo, mme o tla aga ka bosakhutleng; gonne Morena o rata tshiamo; ga a tlogele baitshepi ba gagwe, mme ba bolokwa ka bosakhutleng. Losika lwa badirabosula lo a nyelediwa. Basiami ba tla rua lefatshe, ba agela ruri mo go lone. Molomo wa mosiami o bolela tsa botlhale; loleme lwa gagwe lo bua se se siameng. Molao wa Modimo wa gagwe o mo pelong ya gagwe; dikgato tsa gagwe ga di theekele. Moikepi o laletse mosiami, o batla go mmolaya. Mme Morena ga a mo leseletse go wela mo seatleng sa gagwe, le e seng go mmona molato, fa a sekisiwa ke moikepi. Lebelela Morena, o tshware tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe. O tla bona ka kgatlhego, fa baikepi ba nyelediwa. Ke bonye moikepi wa mogateledi; a nama jaaka setlhare se setala sa naga. E rile ke feta gape, a bo a se yo; ya re ke mmatla, a se ka a bonala. Ela modumedi tlhoko, o lebe mosiami; gonne motho wa kagiso o na le botswelelopele. Mme batlodi bona ba tla senngwa mmogo; botswelelopele jwa baikepi bo tla nyelediwa. Thuso ya basiami e tswa go Morena; ke ena botshabelo jwa bona mo motlheng wa tlalelo. Morena o a thusa, a ba namolele; o ba namolela mo baikeping, a ba pholose, ka ba mo ikanya. Pesalome ya ga Dafita ya kgopotso mo tshupelong ya tebogo. Morena, se nkgalemele ka bogale jwa gago, se nkwatlhae mo kgakalong ya gago. Gonne metsu ya gago e ntsepame, seatla sa gago se nkgateletse. Ga go na boitekanelo bope mo nameng ya me ka ntlha ya kgakalo ya gago, le e seng pholo epe mo marapong a me ka ntlha ya boleo jwa me. Gonne ditshiamololo tsa me di khurumeditse tlhogo ya me; di nkimela jaaka morwalo o o bokete. Dintho tsa ka di a nkga, di tswa boladu ka ntlha ya bosilo jwa me. Ke koname, ke hutaganye gotlhe; ke tlhola ke tsamaya ke hutsafetse. Gonne letheka la me le tletse ditlhabi; ga go na boitekanelo bope mo nameng ya me. Ke koafetse, ke tapetegile gotlhe, ke dumisiwa ke phegelo ya pelo ya me. Morena, tlhologelelo yotlhe ya ka e go senogetse; phegelo ya ka ga e a go fitlhegela. Pelo ya me e a kubakuba, thata ya me e ntlogetse, lesedi la matlho a me le lone ga ke na nalo. Ba ba nthatang le ditsala tsa me ba emetse petso ya me fa thoko, le losika lwa me lo emetse kwa kgakala. Mme ba ba tsomang bophelo jwa me ba nthaisitse; ba ba batlang go ntsenya mo tlalelong ba rera tatlhego ya ka, ba ntse ba akanya tsietso letsatsi lotlhe. Mme nna ke ntse jaaka sesusu, ga ke utlwe; ke ntse jaaka semumu se se sa tsweng molomo. Ee, ke tshwana le monna yo o sa utlweng, yo go se nang kganetso mo molomong wa gagwe. Gonne ke lebeletse wena, Morena o tla araba, Morena, Modimo wa me. Kana ke rile: “A ba ba inkgodisetsang ba se itumele ka nna, fa lonao lwa ka lo theekela.” Gonne ke gaufi le go wa; botlhoko jwa ka bo ntse bo mpolaya ka gale. Ee, ke ipobola molato wa ka, ke itshôla ka ntlha ya boleo jwa ka. Mme baba ba me ba tlhaga, e bile ba thata, le ba ba ntlhoileng fela ba ntsifetse. Le ba ba ntuelang molemo ka bosula ba emelanye le nna, ka ke latelela se se molemo. O se ka wa ntlogela, Morena; o se ka wa nna kgakala le nna, Modimo wa me. A o ko o itlhaganele go nthusa, Morena, Mopholosi wa ka. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng Jeduthune, moopedisi. Ke rile: “Ke tla tlhokomela ditsela tsa me gore ke se leofe ka loleme lwa me; ke tla bofa molomo wa me ka mogala, ka moikepi a sa ntse a le fa pele ga me.” Ke ne ke le semumu ka tidimalo; ke ne ke didimala, ke se na molomo, mme botlhoko jwa me jwa butsologa. Pelo ya me e ne e gotela mo teng ga me, molelo o tuka ka go akanya ga me, ke bua ka loleme lwa me ka re: “Morena, nkitsise bokhutlo jwa me, le selekanyo sa malatsi a me gore ke sefe, ke tle ke lemoge ka fa ke felang ka teng.” Bona, o lekantse malatsi a me ka dikatlhamo tsa seatla; sebaka sa bophelo jwa me ga se sa sepe fa pele ga gago. Ee, motho mongwe le mongwe yo o leng teng ke wa lefelafela la mmatota. Sela. Ruri, motho o tsamaya jaaka moriti, ruri ba itlhobaeletsa boithamako; o kgobela mahumo, mme ga a itse gore a tla jewa ke mang. Mme jaanong, Morena, ke lebeletse eng? Tsholofelo ya me e mo go wena. Nkgolole mo ditlolong tsa me tsotlhe, o se ka wa ntira kgobo ya masilo. Ke didimetse, ga ke tswe molomo; gonne go dirile wena. Tlosa petso ya gago mo go nna; ke nyelediwa ke titeo ya seatla sa gago. Fa o watlhaya motho ka dipetso ka ntlha ya tshiamololo, o nyeletse bontle jwa gagwe jaaka motoutwana; ee, motho mongwe le mongwe ke pudulo fela. Sela. Morena, utlwa thapelo ya me, o reetse go tlhaeletsa ga me; se didimalele dikeledi tsa me; gonne ke moeng fa go wena, ke mojaki jaaka borre botlhe. Thibosa matlho a gago mo go nna gore ke itumele, ke ise ke tswe mono, ka nna yo o sa tlholeng a le teng. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Ke lebeletse Morena ka tlhologelelo; mme a itshekamisetsa go nna, a nkutlwa ke goela thuso. A ntshwatola mo moleteng wa tshenyego, mo maragarageng a seretse, a tlhoma dinao tsa me mo lefikeng, a tlhomamisa dikgato tsa me. O ntsentse sefela se sešwa mo molomong, sefela sa go baka Modimo wa rona. Bantsi ba a bona, ba a boifa, ba ikanya Morena. Go sego monna yo o ikanyang Morena, a sa fapogele kwa baikgantshing le kwa baikeping ba maaka. O re diretse dilo di le dintsi, Morena, Modimo wa me, dikgakgamatso tsa gago le megopolo ya gago; ga go yo o ka tshwantshiwang le wena. Fa nka rata go di itsise le go di bolela, go ka feta mo nka balang. Ga o kgatlhwe ke setlhabelo le tshupelo. O nthibolotse ditsebe. Ga o batle setlhabelo sa phiso, le fa e le sa boleo. Foo ke ne ka re: “Bona, ke e tla, go kwadilwe ka ga me mo lokwalong. Ke kgatlhwa ke go dira tse di go natefelang, Modimo wa me; molao wa gago o mo teng ga me.” Ke boletse pholoso ya gago ka boitumelo mo phuthegong e kgolo. Bona, ga nka ke ka itshwara molomo, go itse wena, Morena. Ga ke fitlhe tshiamo ya gago mo teng ga pelo ya me. Ke bolela boikanyego jwa gago le pholoso ya gago. Phuthego e kgolo ga ke e lobele bopelotlhomogi jwa gago le boammaaruri jwa gago. Wena Morena, ga o kitla o ntlhokisa kutlwelo-botlhoko ya gago. Bopelotlhomogi jwa gago le boammaaruri jwa gago di tla mpoloka ka gale. Gonne masula a a se nang palo a ntsentse gare; melato ya me e ntshwere, ke tshaba go e leba; e feta dithiri tsa tlhogo ya me, pelo ya me e ntlogetse. Morena, a o ko o kgatlhwe ke go nkgolola; Morena, a o ko o itlhaganele go nthusa. Botlhe ba ba batlang bophelo jwa me go bo senya a ba tlhajwe ke ditlhong, ba sosobane mmogo. Ba ba itumelelang tlalelo ya me a ba kate ka morago, ba tlhajwe ke kgala. Ba ba nthayang ba re: “Ahee, ahee!” a ba rerege ka ntlha ya ditlhong tsa bona. Botlhe ba ba go batlang a ba go itumelele, ba ipele; ba ba ratang pholoso ya gago a ba bue ka gale ba re: “Morena o mogolo.” Le fa nna ke le mmogisegi le mohumanegi, Morena o tla ntlamela. Ke wena thuso ya me le mogolodi wa me. Modimo wa me, se diege. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Go sego motho yo o babalelang yo o kwa tlase; Morena o tla mo thusa ka letsatsi la tlalelo. Morena o tla mmoloka, a mo phedisa; o tla kaiwa yo o sego mo lefatsheng; a ko o se mo neele mo keletsong ya baba ba gagwe. Morena o tla mo oka mo diphateng tsa bolwetse; o fetola bolwetse jotlhe jwa gagwe mo bolaong. Ke rile: “Morena, nkutlwele botlhoko; fodisa mowa wa me; gonne ke go leofetse.” Baba ba me ba bua bosula ka ga me ba re: “O tla swa leng, leina la gagwe la nyelela?” Mme e a re fa mongwe a tsile go ntekola, a bue maaka; pelo ya gagwe e ikgobokanyetse dilo tse di bosula; e re a tswela kwa ntle, a di bolele. Botlhe ba ba ntlhoileng ba sebelana ka ga me, ba nkeleletsa bosula ba re: “O tshetswe bolwetse jo bo setlhogo; mme jaanong yo o namaletseng jalo ga a nke a tlhola a tsoga.” Tota le monna yo ke tsalanyeng nae, yo ke mo ikantseng, yo o jang dijo tsa me, o ntsholeleditse serethe. Mme wena, Morena, a o ko o nkutlwele botlhoko, o ntsose gore tseo ke tle ke di ba busetse. Se ke itseng ka sona gore ke a go kgatlha ke fa mmaba wa me a sa ntudueletse. Mme nna o ntshegeditse, ka ke se na molato, o nkemisa fa pele ga sefatlhego sa gago ka bosakhutleng. A Morena, Modimo wa Iseraele, a bakwe go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng. Amen, ee, a go nne jalo! Sefela sa thuto sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi. Mowa wa me o lelela go wena Modimo, jaaka tholo e lelela metsi a melatswana. Mowa wa me o nyorelwa Modimo, Modimo o o tshelang. Ke tla fitlha leng teng gore ke bonale fa pele ga sefatlhego sa Modimo? Dikeledi tsa me ke dijo tsa me bosigo le motshegare, ka ba tlhola ba nthaya ba re: “Modimo wa gago o kae?” Dilo tse ke tla nna ke di gopola, ke tsholola mowa wa me mo teng ga me, jaaka ke ne ke tle ke ye le bontsi jwa batho, ke ba gogela kwa Ntlong ya Modimo, ka lentswe la tuduetso le la tebogo – lesomo le le itumelelang moletlo. O obegetseng, wena mowa wa me, o huduegelang mo teng ga me? Solofela mo Modimong; gonne ke tla ba ke o lebogela thuso ya sefatlhego sa ona. Modimo wa me, mowa wa me o obegile mo teng ga me, ke gona ka moo ke go gopolang, ke le mo lefatsheng la Joretane le mo dithabeng tsa Heremone le Misare. Morwalela o tlhaeleletsa morwaleleng ka kgwaso ya maphothophotho a gago; makhubu otlhe a gago le maphothophotho a nkhurumeditse. Mme Morena o nthomela boutlwelo-botlhoko jwa gagwe motshegare, ke na le sefela sa gagwe bosigo, e bong thapelo go Modimo wa bophelo jwa me. Ke rata go botsa Modimo, lefika la me, ke re: “O ntebaletseng? Ke ka ntlha ya eng, fa ke tsamaya ke hutsafetse ka go bogisiwa ke mmaba?” Tshotlo ya baganetsi ba me e ntlhaba jaaka lerumo mo marapong, fa ba tlhola ba nthaya ba re: “Modimo wa gago o kae?” O obegetseng, wena mowa wa me, o huduegelang mo teng ga me? Solofela mo Modimong; gonne ke tla ba ke o leboga, ka e le ona thuso ya sefatlhego sa me le Modimo wa me. Nkatlhole, Modimo, o nkemele mo tshekong ya me le batho ba ba se nang lorato, o nkgolole mo bathong ba tsietso le ba tshiamololo. Gonne ke wena Modimo wa botshabelo jwa me. Mme o ntatlhetseng? Ke ka ntlhaang, fa ke tsamaya ke hutsafetse ka go bogisiwa ke mmaba? Romela lesedi la gago le boammaaruri jwa gago; a di nkgoge, di nkise kwa thabeng ya gago e e boitshepo le kwa maagong a gago gore ke fitlhe kwa aletareng ya Modimo, kwa Modimong wa boitumelo jwa me jo bo ntuduedisang, le go go baka ka harepa, Modimo, Modimo wa me. O obegetseng, mowa wa me, o huduegelang mo teng ga me? Solofela mo Modimong; gonne ke tla ba ke o leboga ka e le ona thuso ya sefatlhego sa me le Modimo wa me. Sefela sa thuto sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi. Modimo, re utlwile ka ditsebe, borraetsho ba re boleletse ba re, o dirile tiro mo metlheng ya bona, malatsing a bogologolo. O lelekile merafe ka letsogo la gago, mme bona wa ba tlhoma; o sentse ditšhaba, mme bona wa ba anamisa. Gonne ba ruile lefatshe, e seng ka marumo a bona, e bile ga se mabogo a bona a a ba neileng phenyo; mme ke seatla sa gago se se jang le letsogo la gago le lesedi la sefatlhego sa gago; gonne o ne o natefelwa ke bona. Modimo, ke wena kgosi ya me; laolela Jakobe diphenyo. Re tla diga baganetsi ba rona ka wena; ba ba re tsogelang re tla ba gataka ka leina la gago. Gonne ga ke ikanye bora jwa me, le tšhaka ya me ga e nke e mpha phenyo. Mme ke wena o re namolang baba, o tlhabisa ba ba re tlhoileng ditlhong. Re tla ipelafatsa ka gale ka Modimo; re baka leina la gago ka bosenabokhutlo. Sela. Le fa go ntse jalo o re latlhile, wa re tlhabisa ditlhong, mme ga o a bolola le mephato ya rona. O re katisa ka morago fa pele ga mmaba, mme ba ba re tlhoileng ba thopa di-tsa-rona. O re abetse go tlhajwa jaaka dinku; o re faladitse mo merafeng. O rekisitse batho ba gago ka tlhwatlhwa e e seng ya sepe; wa se ka wa bapala sepe ka tlhwatlhwa ya bona. O re dira nyatsego mo go ba re bapileng nabo, le tshotlo le setshego mo go ba ba tikologong ya rona. O re dira seane mo ditšhabeng, re ba ba thukhuthelwang ditlhogo ke merafe. Tshotlego ya me e eme fa pele ga me ka gale; ditlhong tsa sefatlhego sa me di nkhurumeditse ka ntlha ya go utlwa mosotli le mokgadi, le ka ntlha ya go bona mmaba le moipusolosetsi. Tsotlhe tseo di re wetse, etswe re sa go lebala le e seng go ikanyologa kgolagano ya gago. Dipelo tsa rona ga di a ka tsa kata ka morago, le dinao tsa rona ga di a ka tsa fapoga tsela ya gago. Le fa go ntse jalo o re papetletse mo mafelong a diphokojwe, wa re khurumetsa ka moriti wa loso. Fa re ka bo re lebetse leina la Modimo wa rona, gongwe ra otlololela modimo wa seeng mabogo, a Modimo o ka bo o sa go tlhotlhomisa, ka e le ona o o itseng se se fitlhegileng mo pelong? Mme re tlhola re bolawa ka ntlha ya gago, re kaiwa jaaka dinku tsa tlhabo. Thanya, Morena! O robaletseng? Tloga o eme, o se ka wa re latlhela ruri. O fitlhelang sefatlhego sa gago, o lebalelang pogisego ya rona le patikego ya rona? Gonne mewa ya rona e obegetse mo loroleng, mebele ya rona e kgomaretse mmu. Nanoga o re thuse, o be o re golole ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gago. Pesalome ya boora Kora ya thuto e e kwaletsweng moopedisi e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”. Sefela sa lorato. Pelo ya me e fofoma ka polelo e e monate. Ke tlhabela kgosi loboko lwa me; loleme lwa me ke sekwadi sa mokwadi yo o bobebe. O montle thata go gaisa bana ba motho; natefo e tshetswe mo melomong ya gago; ke gona ka moo Modimo o go tshegofaditseng ka bosakhutleng. Itlame letheka ka tšhaka ya gago, wena mogale; e bong ya borena jwa gago le kgalalelo ya gago. Kgalalelong ya gago o tlhogole, o bolole go lwela boammaaruri le boikokobetso le tshiamo; mme a letsogo le le jang la gago le go rute ditiro tse di boitshegang. Metsu ya gago e looditswe, e tlhaba dipelo tsa baba ba kgosi. Merafe e wela fa tlase ga gago. Sedulo sa bogosi sa gago, Modimo, ke sa ka gale le sa bosakhutleng. Thobane ya bogosi jwa gago ke thobane ya tshiamo. O rata tshiamo, mme tshiamololo o e tlhoile; ke gona ka moo, Modimo, Modimo wa gago o go tloditseng lookwane lwa boitumelo go gaisa balekane ba gago. Diaparo tsotlhe tsa gago di nkga mera le mokgwapha le mookana fela, dipina tsa dikwadi tsa dithapo di go itumedisa, di utlwala mo matlong a borena a dinaka tsa tlou. Bomorwadia dikgosi ba kgabile mekgabo e mentlentle ya gago; mohumagadi o eme fa letsogong le le jang la gago, a kgabile ka gouta ya Ofire. Reetsa, morwadiaka, o bone, o sekege tsebe: Lebala morafe wa ga eno le lelapa la ga rraago. Mme fa kgosi e eletsa bontle jwa gago, ka e le mong-wa-go, o mo ikobele. Mme bomorwadia Tiro ba tla batla go go kgatlha ka dineo, bona ba ba humileng bogolo mo bathong. Morwadia kgosi yo o mo teng o tletse kgalalelo fela; diaparo tsa gagwe di logilwe ka ditlhale tsa gouta. O isiwa kwa kgosing a apere diaparo tsa melogo e e mebalabala; makgarebe, baetleetsi ba gagwe, a isiwa kwa go wena. A isiwa ka boitumelo le meduduetso, a tsena mo ntlong ya kgosi. Mo boemong jwa borraago go tla ema bomorwao. O tla ba tlhoma go nna dikgosana mo lefatsheng lotlhe. Ke tla itsise leina la gago mo ditshikatshikeng tsotlhe; ka moo merafe e tla go galaletsa ka gale le ka bosakhutleng. Sefela sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi, se opelwa ka lentswe la motenyane. Modimo ke botshabelo jwa rona le thata ya rona; o itshupile gantsi e le thuso mo ditlalelong. Ke gona ka moo re sa boifeng, le fa lefatshe le ka roroma, le fa dithaba di ka kgokgoetsegela mo botennye jwa lewatle; le fa metsi a lone a ka gwasa, a phoka lefulo, le fa dithaba di ka roroma ka go gogomoga ga lone. Sela. Dikelelo tsa noka di itumedisa motse wa Modimo, e bong Felo-ga-Boitshepo a maago a Mogodimodimo. Modimo o mo teng ga ona, ga o kitla o tshikinyega; Modimo o a o thusa, fa bosigo bo sa. Merafe e ne e tsosa moferefere, magosi a reketla; wa dumisa maru a ona, mme lefatshe la roroma. Morena wa masomosomo o na le rona, Modimo wa ga Jakobe ke botshabelo jwa rona. Sela. Tlayang lo lebe ditiro tsa Morena yo o dirang setlhogo mo lefatsheng; yo o khutlisang dintwa go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe; yo o robang bora, a robaganye lerumo, a fise dikoloi tsa ntwa ka molelo! “Khutlang lo itse, fa ke le Modimo; ke mogolo mo merafeng, ke mogolo mo lefatsheng.” Morena wa masomosomo o na le rona, Modimo wa ga Jakobe ke botshabelo jwa rona. Sela. Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi. Lona merafe yotlhe, opang diatla, dudueletsang Modimo ka kopelo ya maipelo! Gonne Morena Mogodimodimo o a boitshega; ke kgosi e kgolo mo lefatsheng lotlhe. O digela merafe fa tlase ga rona le ditšhaba fa tlase ga dinao tsa rona. O re tlhophela boswa jwa rona, boipelafalelo jwa ga Jakobe yo a mo ratileng. Sela. Modimo o tlhatloga ka tuduetso, Morena o tlhatloga ka tumo ya phala. Opelelang Modimo pako, o opeleleng; opelelang kgosi ya rona pako, opelang! Gonne Modimo ke kgosi ya lefatshe lotlhe; opelang sefela se se utlwalang. Modimo o busa merafe; Modimo o ntse mo sedulong sa bogosi sa ona se se boitshepo. Batlotlegi ba merafe ba phuthegile, e bong batho ba Modimo wa ga Aborahame; gonne dithebe tsa lefatshe ke tsa Modimo, o mogolo bogolo. Pesalome e e leng sefela sa boora Kora. Morena o mogolo, mme o na le go tlotlwa thata mo motseng wa Modimo wa rona, mo thabeng ya ona e e boitshepo. E ntle, thaba ya Sione, ka go gola ga yone; e itumelelwa ke lefatshe lotlhe. Ntlheng ya bokone go motse wa kgosi e kgolo. Modimo o ikitsisitse mo matlong a ona a borena, fa e le ona tshireletso. Gonne, bona, dikgosi di ne tsa phuthega, tsa bolola mmogo. E rile di tlhoma di bona, tsa tlhoka puo, tsa tshoga, tsa tshaba ka poifo. Thoromo e ne ya di tshwara teng, le botlhoko jwa di tshwara jaaka leralalo la mmelegi. O thuba dikepe tsa Tharesise ka phefo ya botlhabatsatsi. Re bonye mo motseng wa Morena wa masomosomo, mo motseng wa Modimo wa rona jaaka re utlwile: Modimo o tla o tlhomamisa go ya bosakhutleng. Sela. Modimo, re gopola bopelotlhomogi jwa gago mo Tempeleng ya gago. Modimo, tumiso ya gago e fitlha kwa mafelelong a lefatshe fela jaaka leina la gago; seatla se se jang sa gago se tletse tshiamo. A thaba ya Sione e itumele, a bomorwadia Juta ba duduetse ka ntlha ya dikatlholo tsa gago. Dikologang motse wa Sione, lo o potologeng, balang diturio tsa ona. Elang dipota tsa phemelo tsa ona tlhoko, ralalang matlo a borena a ona gore lo tle lo bolelele losika lo lo tlang lo re: Modimo o ke Modimo wa rona ka gale le ka bosakhutleng; o tla re goga go ya losong. Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi. Utlwang dilo tse, lona merafe yotlhe; reetsang lona lotlhe, ba lo agileng mo lefatsheng, ba babotlana le ba bagolo, bahumi le bahumanegi mmogo; molomo wa me o tla bua botlhale, mme se pelo ya me e se akanyang ke tlhaloganyo. Ke tla sekegela seane tsebe; thabalakane ya ka ke tla e ranola ka harepa. Kana ke tla boifelang mo malatsing a tlalelo, fa boikepo jwa basenyetsi ba me bo ntikanyeditse, jwa bona ba ba ikantseng letlotlo la bona, ba belafalela khumo e kgolo ya bona? Ga go na ope yo o ka rekololang morwa-rraagwe, le fa e le go ntshetsa Modimo tefo e e mo gololang – gonne thekololo ya botshelo jwa gagwe e kgolo thata, mme o tla tlhobogela ruri go e ntsha – gore a phelele ruri ka bosakhutleng, a se bone tshenyego. Gonne go bonwa gore batlhalefi ba a swa; masilo le ba ba se nang tlhaloganyo ba nyelela mmogo, mme khumo ya bona ba e tlogelela ba sele. Diphupu tsa bona ke tsone matlo a bona ka gale, ke maago a bona go ya tshikatshikeng, le fa ba ne ba taya mafatshe maina a bona. Kana motho ga a nnele ruri mo bontlengtleng; o tshwana le diphologolo tse di nyelelang. Ke yona tsela ya ba ba iikanyang le ya balatedi ba bona ba ba kgatlhwang ke mafoko a bona. Sela. Ba fologela kwa felong ga baswi jaaka dinku tlhabong, loso ke modisa wa bona; ba tlhamalalela kwa lebitleng, popego ya bona e tla nyelela mo mosong, felo ga baswi e tla nna boago jwa bona. Mme nna, Modimo o tla golola mowa wa me mo thateng ya felo ga baswi, gonne o tla ntshola. Sela. O se ka wa boifa, fa motho a huma, fa kgalalelo ya ntlo ya gagwe e totafala. Gonne e tla re fa a swa, a se ke a ye le sepe sa tseo tsotlhe; kgalalelo ya gagwe ga e nke e mo sala morago. Le fa a ipoka mo bophelong jwa gagwe a re o tlhogonolo – kana batho ba a go boka, fa o iphelela monate – o tla ya kwa losikeng lwa borraagwe ba ba se kitlang ba bona lesedi ka bosakhutleng. Motho yo o phelang mo bontlengtleng, mme a se na tlhaloganyo, o tshwana le diphologolo tse di nyelelang. Pesalome ya ga Asafe. Modimo Morena yo o thata o a bua, o bitsa lefatshe go tswa kwa botlhabatsatsi go ya kwa bophirimatsatsi. Modimo o tswa ka phatsimo kwa Sione yo o tletseng bontle. Modimo wa rona o e tla, mme ga o ka ke wa didimala; molelo o o nyeletsang o fa pele ga ona, mo tikologong ya ona go suma phefo e kgolo. O tlhaeleletsa kwa legodimong kwa godimo le kwa lefatsheng go sekisa morafe wa ona wa re: “Mphuthelang baratwa ba me ba ba dirileng kgolagano le nna ka setlhabelo.” Magodimo a bolela tshiamo ya ona; gonne Modimo ke ona o o atlholang. Sela. “Reetsang, batho ba me, ke rata go bua, Iseraele; ke tle ke supe ke go tiisetse gore ke nna Modimo, Modimo wa gago. Ga ke go kgalemele ka ntlha ya ditlhabelo tsa gago; kana ditlhabelo tsa phiso tsa gago di ntse di le fa pele ga me ka gale. Ga go batlege gore ke tsee poo mo sakeng la gago, le e seng diphoko kwa morakeng wa gago. Gonne diphologolo tsotlhe tsa sekgwa ke tsa me, le ditshedi kwa dithabeng ka dikete. Ke itse dinonyane tsotlhe tsa loapi le tse di phelang mo nageng: Ke tsa me. Fa nka tshwarwa ke tlala, ga nka ke ka go kopa; gonne lefatshe lotlhe ke la me le tse di tletseng mo go lone. A ke ja nama ya dipoo, a ke nwa madi a diphoko? Ntshetsa Modimo setlhabelo sa tebogo ya pelo, o dirafatse maikano a o a ikanetseng Mogodimodimo. O mpitse ka letsatsi la tlalelo; ke tla go namolela, mme o tla nkgalaletsa.” Mme moikepi ena, Modimo o mo raya o re: “O balelang melao ya me le go bua kgolagano ya me ka molomo wa gago, etswe o tlhoile kwatlhao, mme mafoko a me o a latlhela kwa morago ga gago? Fa o bona legodu, o kgatlhwe ke go nna nalo, mme o tlhakanela boleo le baakafadi. Molomo wa gago ò o letlelela go bua bosula, loleme lwa gago lo loga maano a tsietso. O nnetse go seba morwa-rraago; o pateletsa ngwana wa ga mmaago. Dilo tse o di dirile, mme ka didimala. Wa ithaya wa re, ke tshwana fela le wena; ke tla go supetsa, ke di baya fa pele ga matlho a gago. Tlhokomelang tlhe dilo tseo, lona ba lo lebalang Modimo, gore ke se ka ka gagoganya, mme ga tlhokwa yo o pholosang. Yo o ntshang setlhabelo sa tebogo ya pelo o a ntlotla; yo o tlhokomelang tsela ke tla mo naya gore a bone pholoso ya Modimo.” Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, jale fa moporofeti Nathane a tla kwa go ene, Dafita a sena go tsena kwa go Batsheba. Modimo, intshwarele ka fa bopelotlhomoging jwa gago, o phimole ditlolo tsa me ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa gago. Ntlhapise sentle, o tlose tshiamololo ya me, o intshekise boleo. Gonne ditlolo tsa me ke a di itse, boleo jwa me bo fa pele ga me ka gale. Ke wena o le nosi fela yo ke go leofetseng, ka dira se mo matlhong a gago se leng bosula, gore e re fa o bua, o fitlhelwe o siame, mme o le phepa, fa o atlhola. Bona, ke tsaletswe mo tshiamololong, mme mmê o nkamogetse mo boleong. Bona, o natefelwa ke boammaaruri jwa pelo, o nkitsise botlhale mo go sa itsiweng. Ntlose boleo ka mosiama gore ke itsheke; ntlhapise gore ke nne mosweu go gaisa semathana. Nkutlwise boitumelo le thabo; a marapo a o a robileng a duduetse. Fitlhela maleo a me sefatlhego sa gago; o phimole ditshiamololo tsa me tsotlhe. Modimo, mpopele pelo e e itshekileng, o ntšhwafatse mowa o o tlhomameng mo teng ga me. O se ka wa ntatlha fa pele ga sefatlhego sa gago; se tlose Mowa o o Boitshepo wa gago mo go nna. Mpusetse boitumelo jwa pholoso ya gago, o ntshegetse ka mowa o o phuthologileng. Batlodi ke tla ba ruta ditsela tsa gago gore baleofi ba sokologele kwa go wena. Modimo, nkgolola mo molatong wa go tsholola madi, Modimo wa pholoso ya me, mme loleme lwa me lo tla dudueletsa tshiamo ya gago. Morena, bula molomo wa me gore o bolele tumiso ya gago. Gonne ga o natefelwe ke setlhabelo – nka bo ke se ntsha – ga o kgatlhwe ke setlhabelo sa phiso. Ditlhabelo tsa Modimo ke mowa o o kgobegileng. Wena Modimo, ga o kitla o nyatsa pelo e e kgobegileng, e e phatlogileng. Direla Sione molemo ka fa natefelong ya gago; aga dipota tsa Jerusalema. Foo o tla natefelwa ke ditlhabelo tsa tshiamo, e leng tsa phiso le tse di fisiwang gotlhe. Foo ba tla tlhabela dipoo mo aletareng ya gago. Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, jale fa Doege wa Moetomo a tla go Saule, a mmolelela a re: “Dafita o tsenye mo ntlong ya ga Ahimelege.” O ipokelang ka bosula, seganka ke wena? Bopelotlhomogi jwa Modimo bo nnetse ruri. Motsietsi ke wena, loleme lwa gago lo loga maano a tshenyo, jaaka logare lo lo looditsweng. O rata bosula bogolo go molemo; o rata maaka bogolo go boammaaruri. Sela. O kgatlhwa fela ke mafoko a a senyang, loleme lwa tsietso ke wena. Ka moo, Modimo o tla go digela ruri, o go tshwara, o go swatola mo tenteng ya gago; o tla go kumola ka medi mo lefatsheng la baphedi. Sela. Basiami ba tla bona, ba boifa; mme ba tla mo tshega ba re: “Bonang, monna su, yo o sa dirang Modimo botshabelo jwa gagwe, mme o ikantse bogolo jwa khumo ya gagwe, a ithatafatsa ka bopelotshetlha jwa gagwe.” Mme nna ke tshwana le motlhware o motalatala mo Ntlong ya Modimo. Ke ikantse bopelotlhomogi jwa Modimo ka gale le ka bosakhutleng. Ke tla go baka ka gale, ka o dirile jalo; ke tla lebelela leina la gago; gonne le molemo fa pele ga barategi ba gago. Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opelwa ka moopelo wa: “Bolwetse”. Lesilo le bua mo pelong ya lone le re: “Modimo ga o yo!” Ba a senya, ba dira tsa bokgopo jo bo maila; ga go ope yo o dirang molemo. Modimo o lebile bana ba batho o le mo legodimong gore o bone fa go le mongwe yo o batlang Modimo. Ba fapogile botlhe, ba senyega mmogo; ga go ope yo o dirang molemo, le e seng a le mongwe fela. A ba ba dirang tshiamololo ga ba na kitso, bona ba ba metsang batho ba me jaaka ba ja senkgwe? Modimo ga ba o bitse. Foo ba tla tshoga mo go boitshegang; gonne Modimo o phatlaladitse marapo a yo o go dikanyeditseng ka ntwa. O ba tlhabisitse ditlhong; gonne Modimo o ba latlhile. E kete pholoso ya Iseraele e ka bo e tla e e tswang mo Sione! E ne e tla re Modimo a fetola tatlhego ya morafe wa gagwe, Jakobe a duduetse, Iseraele a itumele. Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwe ka kwadi ya dithapo, motlheng ole fa batho ba Sife ba tsile go Saule, ba mo raya ba re: “A Dafita ga a iphitlha fa go rona?” Modimo, nthuse ka leina la gago; o ntshiamisetse ka thata ya gago. Modimo, utlwa thapelo ya me, o reetse mafoko a molomo wa me. Gonne ba ba matepe ba ntsogetse, diganka di batla botshelo jwa me; ga ba gopole Modimo. Sela. Bonang, Modimo ke mothusi wa me; Morena ke ene yo o tshegetsang bophelo jwa ka. O tla busetsa baba ba ka bosula. Ba nyeletse ka fa boammaaruring jwa gago. Ke tla go direla setlhabelo ka pelotshweu; ke tla leboga leina la gago, Morena, gonne le molemo; gonne le nnamoletse mo tlalelong yotlhe, mme leitlho la me le lebile baba ba me ka boitumelo. Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwe ka kwadi ya dithapo. Modimo, reetsa thapelo ya me, mme o se ka wa iphitlhela mekokotlelo ya me. Ntlhokomele o nkarabe. Ke kgarakgatshega ka tshwenyego ya me, ke ntse ke duma ka ntlha ya tlhodio ya mmaba, ka ntlha ya kgatelelo ya moikepi; gonne ba ntigela mo tatlhegong, ba lwa le nna ba gaketse. Pelo ya me e hutagana mo teng ga me, dipoitshego tsa loso di nkwetse. Poifo le thoromo di a ntshwara, letshogo le nkhurumeditse. Mme ke ne ka re: “E kete nka bo ke na le diphuka jaaka lephoi, ke ne ke tla fofa, ke ya go nna go sele. Bonang, ke ne ke tla tshabela kwa kgakala, ke nna teng kwa sekakeng. Sela. Ke ne ke tla akofa ke batla botshabelo; ke tshaba phefo ya matsubutsubu, ke tshaba ledimo.” Morena, raraanya dipuo tsa bona, o di tlhakatlhakanye; gonne ke bona tshiamololo le kganetsanyo mo motseng. Bosigo le motshegare ba o potologa ba le mo dipoteng tsa ona, mme mo teng ga ona go tletse boikepo le tapisego. Tshiamololo e mo go ona; mme patiko le tsietso ga di tloge mo patlelong ya ona. Kana ga se mmaba yo o ntshotlang, – nka bo ke itshoka – ga se yo o ntlhoileng, yo o inkgodisetsang, nka bo ke mo iphitlhela. Mme ke wena, motho-ka-nna, tsala ya ka le moikanngwi wa ka, ba re neng re utlwana sentle, re ya kwa Ntlong ya Modimo le masomosomo a batho. A ba welwe ke loso; a ba fologele kwa felong ga baswi ba ntse ba tshela; gonne bosula bo mo maagong a bona, mo teng ga bona. Mme nna ke bitsa Modimo, mme Morena o tla nthusa. Ke tla lela, ke fegelwa maitsiboa le mo mosong le motshegare, mme o tla utlwa lentswe la me. O golola mowa wa me ka kagiso mo tlhabanong e e ntlhasetseng; gonne ba ntikile ka bontsi. Modimo o o sa leng o nna bogologolo mo sedulong sa bogosi o tla utlwa, o ba kokobetsa, ka go se na tlhabologo mo go bona, ba sa boife Modimo. Sela. Mme o ntsheditse ba neng ba agisantse nae diatla, a senya kgolagano ya gagwe. Mafoko a molomo wa gagwe a borethe jaaka sereledi, pelo ya gagwe ke ntwa; dipolelo tsa gagwe di boleta go gaisa lookwane; etswe e le ditšhaka tse di somotsweng. Latlhela tshwenyego ya gago mo Moreneng, mme o tla go tlamela; ga a kitla a leseletsa mosiami ka gope go theekela. Mme Modimo, wena o tla ba digela mo bodibeng jwa tshenyego. Banna ba polao le tsietso ga ba ne ba fitlha fa gare ga dinyaga tsa bona. Mme nna ke ikanya wena. Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “Leeba la maoka a a kgakala”, lo kwadilwe jale fa Bafelesita ba ne ba mo tshwere kwa Gathe. Modimo, intshwarele; gonne motho o mpeteletse; motlhabani o tlhola a mpitlagantse. Ba ba ntaletseng ba tlhola ba batla go mmetsa; gonne ba bantsi ba ba lwang le nna ka boikgodiso. Motlhang ke boifang, ke tla ikanya wena. Ka thuso ya Modimo ke tla baka lefoko la ona. Ke ikanya Modimo ke sa boife; kana batho ba ka ntirang? Ba tlhola ba sokamisa mafoko a me; megopolo yotlhe ya bona e lebile go ntirela bosula. Ba ikgobokanya, ba a lalela, ba etse direthe tsa me tlhoko, fela jaaka ba ba laletseng botshelo jwa me. A ba ka falola e le baikepi? Modimo, diga merafe ka bogale. Dikgarakgatshego tsa me o di badile, le dikeledi tsa me o di tsentse mo modutwaneng wa gago; kana di mo lokwalong lwa gago. Foo baba ba me ba tla boela kwa morago, motlhang ke tla bitsang. Se ke se itseng ke go re, Modimo o mo ntlheng ya me. Ke rata go boka lefoko la Modimo; ke rata go tumisa lefoko la Morena. Ke ikanya Modimo ke sa boife. Kana motho a ka ntirang? Modimo, ke go ikanetse maikano; ke tla a go dirafaletsa ka ditlhabelo tsa tebogo. Gonne o golotse bophelo jwa me mo losong le dinao tsa me mo go kgotšweng gore ke tsamae fa pele ga Modimo mo leseding la bophelo. Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”, jale fa a tshaba Saule, a tshabela kwa logageng. Nkutlwele botlhoko, Modimo, o nkutlwele botlhoko; gonne mowa wa me o batlile botshabelo mo go wena; ke tla batla botshabelo mo moriting wa diphuka tsa gago, go ya madimabe a be a fete. Ke bitsa Modimo, Mogodimodimo, Modimo o o nkhutlisetsang dilo tsotlhe. O tla roma o le kwa legodimong, o mpholosa, fa yo o mpeteletseng a ntshotla. Sela. Modimo o tla roma bopelotlhomogi jwa ona le boammaaruri jwa ona. Ke na le go lala mo gare ga ditau, e bong batho ba ba tukang bogale, ba meno a bona e leng marumo le metsu, ba diteme tsa bona e leng ditšhaka tse di bogale. Modimo, itsholeletse godimo ga magodimo; a kgalalelo ya gago e okame lefatshe lotlhe. Ba thaisitse dikgato tsa me ka letloa, ba obile mowa wa me; ba epile lemena fa pele ga me, ba wetse mo go lone. Sela. Pelo ya me e gomotsegile, Modimo, pelo ya me e gomotsegile. Ke tla opela, ke letsa. Thanya, tlotlo ya me! Tsogang, harepa le kitara! Ke rata go tsosa mahube a moso. Ke tla go baka mo merafeng, Morena, ke go opelela mo ditšhabeng. Gonne bopelontle jwa gago bo bogolo, bo fitlha kwa magodimong, le boammaaruri jwa gago bo fitlha kwa marung. Modimo, itsholeletse godimo ga magodimo, a kgalalelo ya gago e okame lefatshe lotlhe. Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”. Lona beng ba thata, a ka nnete lo bua tsa tshiamo? A lo sekisa bana ba batho ka tlhamalalo? Nnyaya, lo akantse tshiamololo mo dipelong; lo lekanyetsa batho bokgopo jwa diatla tsa lona mo lefatsheng. Baikepi ba sa le ba tenega go tswa botsalong; ba ba buang maaka ba ntse ba timetse go tswa botsalong. Ba na le botlhole jo bo tshwanang le botlhole jwa noga; ba tshwana le lebolobolo le le bosusu, le le thibetseng ditsebe, le le sa reetseng mantswe a baloi, le fa e le lentswe la moupi yo o rutilweng tsa go upa. Modimo, roba meno a bona mo melomong ya bona; Morena, kgola meno a ditawana. A ba nyelele jaaka metsi a a elang, a ya; fa a hula metsu ya gagwe, a e nne jaaka e e titinegileng. A ba tshwane le kgopa e e gakologang e ntse e gagaba; ba tshwane le sefolotsana se se se kang sa bona letsatsi. E tla re dipitsa tsa lona di ise di utlwe molelo wa setlhare sa mitlwa, ledimo le se gogole, se sa le setala gongwe se setse se tuka. Mosiami o tla itumela, fa a bona pusoloso; o tla tlhapa dinao mo mading a baikepi. Ke gona batho ba tla reng: “Ruri, mosiami o bona tuelo; ruri, Modimo o teng o o atlholang batho mo lefatsheng.” Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”, lo kwadilwe jale fa Saule a roma go lalela fa ntlong go bolaya Dafita. Modimo wa me, nnamolele mo babeng ba me, o ntshireletse mo go ba ba ntsogelang. Nnamolele mo go ba ba dirang bosula, o nthuse mo banneng ba ba tshololang madi. Gonne bona, ba laletse botshelo jwa me, diganka di a ntlhasela, ke se kgopo, ke sa leofa, Morena. Ba a taboga, ba a ipaakanya, ke se na molato ope. Tsoga go nkgatlhantsha, o bone. Ee, Morena, Modimo wa masomosomo, wena Modimo wa Iseraele, thanya o betse baheitane botlhe, mme o se ka wa itshwarela ope wa baikepi ba boikanyologo. Sela. Ba nne ba boe maitsiboa, ba lele jaaka dintšwa, ba dikologe mo motseng. Bona, ba nyefola ka melomo; ditšhaka di mo melomong ya bona; gonne ba re: “Ke mang yo o utlwang?” Mme wena, Morena, o a ba tshega, o sotla baheitane botlhe. Wena thata ya ka, ke tla go ela tlhoko; gonne wena Modimo o phemelo ya ka. Modimo wa me o tla nkgatlhantsha ka bopelotlhomogi jwa ona; Modimo o tla ntebisa baba ba me ka boitumelo. O se ka wa ba bolaela ruri, gore batho ba me ba tle ba se ka ba lebala. Ba kgarakgatshe ka thata ya gago, o ba dige, wena Morena, thebe ya rona. Boleo jwa bona ke lefoko la melomo ya bona. A ba tshwarwe mo boikgantshong jwa bona, le ka ntlha ya dithogakano le dikako tse ba di buang. Ba nyeletse ka kgakalo, ba nyeletse gore ba se ka ba tlhola ba le yo, mme ba lemoge gore Modimo o busa mo go Jakobe go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe. Sela. Ba nne ba boe maitsiboa, ba lele jaaka dintšwa, ba dikologe mo motseng. Ba kgarakgatshegela dijo; fa ba sa kgore, ba a ngongorega. Mme nna ke tla opela ka ga thata ya gago, ke tla dudueletsa bopelotlhomogi jwa gago mo mosong mongwe le mongwe; gonne o ne o le phemelo ya me le botshabelo jwa me ka letsatsi la tlalelo. Wena thata ya me, ke tla go opelela; gonne wena Modimo o phemelo ya me, Modimo o o bopelotlhomogi wa me. Loboko lwa ga Dafita lwa go ruta lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “Ledutla la tshupo”. Lo kwadilwe jale fa a tlhabana le Basiria ba Mesopotamia le Basiria ba Soba, fa Joabe a boa, a fenya Baetomo ba le 12 000 mo mokgatsheng wa letswai. Modimo, o re latlhile, o re faladitse; o ne o gaketse, re agise gape. O roromisitse lefatshe, wa le fatoganya. Fodisa thubego ya lone, gonne le a theekela. O bontshitse batho ba gago dilo tse di thata, wa re nosa weine e e theekedisang. Ba ba go boifang o ba neile sefoka gore ba falole mo boreng. Sela. Thusa ka letsogo le le jang la gago, o re utlwe, gore baratiwa ba gago ba gololege. Modimo o buile mo Felong-ga-Boitshepo ga ona wa re: “Ke tla ipela, ke tla kgaoganya Šegeme, ke lekanya mokgatsha wa Sukothe. Gileate ke wa me le Manase ke wa me; Eferaime ke phemelo ya tlhogo ya me, Juta ke thobane ya me ya bogosi. Moabe ke mogopo wa me wa go tlhapela. Setlhako sa me ke se latlhela mo go Etomo; ntudueletsa, wena Felesita.” Ke mang yo o tla nkisang kwa motseng o o thata? Ke mang yo o tla nkgogelang kwa Etomo? A ga se wena, Modimo, o o re latlhileng? Ee, Modimo, ga o bolole le mephato ya rona. Re direle thuso ya go phologa mo mmabeng; gonne thuso ya batho ga se ya sepe. Ka Modimo re tla dira ditiro tsa bonatla, mme ona o tla gataka baba ba rona. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opedisiwang ka kwadi ya dithapo. Modimo, utlwa mekokotlelo ya me, o ele thapelo ya me tlhoko. E a re fa pelo ya me e feletswe, ke goele kwa go wena ke le kwa bokhutlong jwa lefatshe; nkgogele kwa godimo ga lefika le legolo la pholoso, nna ke a palelwa. Gonne o diregile botshabelo jwa me, le turio e e thata ya phemelo kgatlhanong le mmaba. Ke rata go nna ka gale mo tenteng ya gago le go tshabela mo phemelong ya diphuka tsa gago. Sela. Gonne wena, Modimo, o utlwile maikano a me; ba ba boifang leina la gago o ba neile boswa. A ko o oketse malatsi a kgosi ka malatsi; a dinyaga tsa yona di nne go ya tshikatshikeng. A e nne mo sedulong sa bogosi fa pele ga Modimo ka bosakhutleng. Dira gore bopelotlhomogi le boammaaruri di e sireletse. Foo ke tla opelela leina la gago ka go sa feleng, ke dirafatsa maikano a me ka letsatsi lengwe le lengwe. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ga Jeduthune. Mowa wa me o didimaletse Modimo fela; thuso ya me e tswa mo go ona. Ke ona fela lefika la me le thuso ya me le kago ya me ya phemelo; ga nkitla ke tshikinyega thata. Lo tla kgwelogela motho goleele go le kae, lo rata go mmolaya lotlhe, etswe a tshwana le lobota lo lo sekameng le lorako lo lo batlileng go wa? Ba akantse fela go mo diga mo bogolong jwa gagwe; ba natefelwa ke maaka; ka molomo ba a tshegofatsa, mme mo teng ga bona gona ba hutsa. Sela. Didimalela Modimo fela, mowa wa me; gonne se ke se lebeletseng se tswa mo go ona. Kana ke ona lefika la me le thuso ya me; ke kago ya me ya phemelo, ga nkitla ke tshikinyega. Pholoso ya me e mo Modimong le tlotlo ya me; lefika le le thata la me le mo Modimong, le botshabelo jwa me. Ikanyeng ona ka gale, lona batho! Tshololang dipelo tsa lona fa pele ga ona! Modimo ke botshabelo jwa rona. Sela. Ruri, ba babotlana ke ba lefelafela, ba bagolo ke baaki; mo selekanyong ba a tsholetsega, botlhe mmogo ba botlhofo bogolo go pudulo e le nngwe fela ya mowa. Lo se ka lwa ikanya patiko; lo se ka lwa solofelela lefela mo thopong. Fa khumo e ata, lo se ka lwa e kgomarela ka dipelo. Modimo o buile gangwe, nna ke utlwile gabedi gore thata ke ya Modimo. Le bopelotlhomogi ke jwa gago, Morena; gonne o duela mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe. Pesalome ya ga Dafita, a le mo sekakeng sa Juta. Modimo, o Modimo wa me, ke batla wena; mowa wa me o go nyoretswe, nama ya me e go tlhologeletswe mo lefatsheng la komelelo, le le nyorilweng, le le se nang metsi. Ke ne ke go lebile kwa Felong-ga-Boitshepo ka maikutlo a a ntseng jalo, go bona thata ya gago le kgalalelo ya gago. Gonne bopelotlhomogi jwa gago bo molemo go gaisa bophelo. Molomo wa me o tla go baka. Ke tla go tumisa jalo mo botshelong jotlhe jwa me, ke tsholetsa mabogo mo leineng la gago. Mowa wa me o tla kgora jaaka ka moko le mafura; molomo wa me o tla baka ka go duduetsa, fa ke go gopola mo bolaong jwa me; ke akanya ka ga gago ka dinako tsa tebelelo ya bosigo. Gonne o ne o le thuso ya me; ke tla duduetsa mo moriting wa diphuka tsa gago. Mowa wa me o go setse morago, o go kgomaretse; letsogo le le jang la gago le ntshegeditse. Mme bona ba ba ratang go nkisa tshenyegong ke bona ba ba tla fitlhang mo mafelong a a kwa tlase ga lefatshe. Ba tla neelwa mo thateng ya tšhaka; ba tla nna seabe sa diphokojwe. Mme kgosi e tla itumela mo Modimong. Mongwe le mongwe yo o ikanang ka ona o tla belafala; gonne melomo ya ba ba buang maaka e tla thijwa. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Modimo, utlwa lentswe la me, fa ke lela; boloka bophelo jwa me, fa ke tshosiwa ke mmaba. Mphitlhe ke fitlhegele maikaelelo a basulatsi le pheretlhego ya badiratshiamololo; ba ba looditseng diteme tsa bona jaaka ditšhaka ba supile ka metsu ya bona, e bong mafoko a a galakang, go hula mosiami ba mo laletse, ba mo hula ka tshoganyetso, ba sa boife. Ba ikaeletse go dirafatsa maano a a bosula, ba bolela go thaisa ka mitlwane e e subilweng ba re: “Go tla bona mang?” Ba akanya boikepo ba re: “Re sweditse, re logile maano a mantle.” Mogopolo wa motho o botengteng, le pelo ke lengôpe. Mme Modimo o tla ba hula ka motsu; dipetso tsa bona di tla tla ka tshoganyetso. Ba tla digwa ke diteme tsa bona; botlhe ba ba ba lebileng ba thukhutha ditlhogo. Mme batho botlhe ba tla boifa, ba bolela tiro ya Modimo, ba tlhokomela se o se dirang. Mosiami o tla itumela mo Moreneng, a batla botshabelo fa go ena; mme botlhe ba ba dipelo di tlhamaletseng ba tla itumisa ka Morena. Pesalome ya ga Dafita. Sefela se se kwaletsweng moopedisi. Modimo, o tshwanetswe ke sefela sa pako mo Sione, maikano o tla a direlwa. Wena yo o utlwang thapelo, batho botlhe ba tla tla go wena. Dilo tse di molato di mpaletse. Ditlolo tsa rona wena o tla di ruanya. Go sego ena yo ò mo itlhaolelang, ò mo ikatametsa, gore a age mo malapeng a gago. Re tla kgora molemo wa Ntlo ya gago, le boitshepo jwa Tempele ya gago. O re araba ka tshiamo ka dilo tse di boitshegang, wena Modimo wa pholoso ya rona o o ikanngwang ke dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe le dintshi tse di kgakala. O thatafatsa dithaba ka thata ya gago, o itlamile ka nonofo. O didimatsa kgwaso ya mawatle, kgwaso ya makhubu a ona, le khuduo ya merafe, gore ba ba agileng kwa dikhutlong tsa lefatshe ba boife ditshupo tsa gago; mafatshe a botlhabatsatsi le bophirimatsatsi o a tlatsa tuduetso. O lekotse lefatshe, wa le fa letlotlo, o le humisa thata; noka ya Modimo e tletse metsi. O ba baakanyetsa mabele; gonne o e baakanya jalo. O nosa ditemo tsa lone, o thuba makwete a lone, o le kolobisa ka medupe, o tshegofatsa go tlhoga ga dijwalo tsa lone. O rwesa ngwaga ka molemo wa gago, ditselana tsa gago di rotha monono. Mafulo a naga a a tshutshuma; dithota di itlamile ka tuduetso. Mafulo a apesitswe ka matsomane; mekgatsha e khurumeditswe ka mabele; di duduetsa tsotlhe, di a opela. Sefela sa pako se se kwaletsweng moopedisi. Dudueletsang Modimo, lona ba lefatshe lotlhe. Opelelang kgalalelo ya leina la ona; galaletsang pako ya ona. Rayang Modimo lo re: “Ditiro tsa gago di tlotlometse jang ne! Baba ba gago ba tla go tlakisa ka ntlha ya bogolo jwa thata ya gago. A ba lefatshe lotlhe ba go obamele, ba go opelele, ba opelele leina la gago pako.” Sela. Tlayang, lo lebe ditiro tsa Modimo; o boitshega ka ditiro mo baneng ba batho. O fetotse lewatle komelelo; ba kgabagantse noka ka dinao; foo ra o itumelela. O busa ka gale ka thata ya ona; matlho a ona a lebile merafe; baganetsi ga ba na go o tsogela. Sela. Galaletsang Modimo wa rona, lona merafe! Lo utlwatse lentswe le le o bakang; o o nayang mewa ya rona bophelo, o sa leseletse dinao tsa rona go theekela; gonne wena, Modimo, o re lekile, wa re itshekisa, jaaka go itshekisiwa selefera. O re tsentse mo letloeng, wa baya morwalo o o imelang mo dinokeng tsa rona. Wa lesa bapalami ba re gata ditlhogo; ra tsena mo molelong le mo metsing; mme o re ntsheditse kwa go leng letlotlo. Ke tla tsena mo Ntlong ya gago ka ditlhabelo tsa phiso; ke tla go dirafaletsa maikano a me a loleme lwa me lo a boletseng, a molomo wa me o a buileng, ke le mo tlalelong. Ke tla go tsisetsa ditlhabelo tsa phiso tsa dinku tse di nonneng, di na le musi wa ditlhabelo tsa diphelehu; ke tla go direla ka dikgomo le diphoko. Sela. Tlayang, lo reetse, lona lotlhe ba lo boifang Modimo; ke tla bolela se o se diretseng mowa wa me. Ke goetse kwa go ona ka molomo; pako e mo lolemeng lwa me. Fa nka bo ke akantse boikepo ka pelo ya me, Morena a ka bo a sa utlwa. Mme ruri, Modimo o nkutlwile, wa tlhokomela lentswe la thapelo ya me. A go bakwe Modimo o o se kang wa latlha thapelo ya me, le e seng go ntima bopelotlhomogi jwa ona. Pesalome. Sefela se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwa ka kwadi ya dithapo. A Modimo o nne boitshwarelo le rona, o re tshegofatse; a o re phatsimisetse sefatlhego sa ona, Sela, gore tsela ya gago e lemogiwe mo lefatsheng, le pholoso ya gago mo ditšhabeng tsotlhe. Merafe e tla go baka, Modimo, ditšhaba tsotlhe di tla go baka. Merafe e tla itumela, e ipela, ka gonne o atlhola ditšhaba ka tshiamo, ò goga merafe mo lefatsheng. Sela. Merafe e tla go leboga, Modimo, ditšhaba tsotlhe di tla go leboga. Lefatshe le ntshitse thobo ya lone. Modimo, e bong Modimo wa rona, o tla re tshegofatsa. Modimo o tla re tshegofatsa, mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tla o boifa. Pesalome ya ga Dafita. Sefela se se kwaletsweng moopedisi. Fa Modimo o nanoga, baba ba ona ba phatlalala; ba ba o tlhoileng ba tshaba fa pele ga ona. O ba nyeletsa jaaka musi o nyelela; baikepi ba latlhega fa pele ga Modimo jaaka mmotu o gakologa mo molelong. Mme basiami ba itumele, ba duduetse fa pele ga Modimo, ba itumele ka boipelo. Opelelang Modimo, opelelang leina la ona pako! Ona o o ralalang dipoa tsa bogareganaga, o baakanyetseng tsela! Itumeleng mo Moreneng, lo duduetse fa pele ga gagwe. Modimo ke rra-dikhutsana, le moatlholedi wa batlholagadi mo boagong jo bo boitshepo jwa ona. Modimo o direla bannanosi legae; o golola bagolegwi, o ba gogele lesegong; mme baganetsi bona ba agile mo lefatsheng la komelelo. Modimo, e rile o bolola fa pele ga batho ba gago, ya re o tsamaya mo sekakeng, Sela, lefatshe la roroma, magodimo le ona a rotha fa pele ga sefatlhego sa Modimo; Sinai a reketla fa pele ga sefatlhego sa Modimo, Modimo wa Baiseraele. Modimo, o nesitse pula ya medupe, wa lapolosa naga ya boswa jwa gago e e swabileng. Lesomo la gago le ne la aga mo go yona; o ne wa e baakanyetsa babogisegi ka molemo wa gago, Modimo. Morena o utlwatsa lefoko; basadi ba ba tlhabang mokgosi wa phenyo ke lesomo le legolo. Dikgosi tsa masomosomo di a tshaba, di a tshaba; mme mosadi yo o setseng mo gae o aba thopo. Fa lo robala kwa merakeng, ga lo bone thopo e e phatsimang jaaka diphuka tsa lephoi tse di manegilweng selefera le diphofa tsa lone tse di manegilweng gouta e tshetlha. E rile Mong-wa-thata-yotlhe a falatsa dikgosi teng, semathana sa na mo dithabeng tsa Salemone. Thaba ya Basane ke thaba ya Modimo; thaba ya Basane ke thaba e e ditlhoa. Lona dithaba tse di ditlhoa, lo lebetseng ka lefufa kwa thabeng e Modimo o e itlhaoletseng go nna boago jwa ona? Ee, Morena o tla aga teng ka bosakhutleng. Dikoloi tsa Modimo di dikete tse di masome, ke dikete tse di dikete; Morena yo o neng a na nabo kwa Sinai kajeno o mo Felong-ga-Boitshepo. O tlhatlogetse kwa godimo, wa thopa batshwarwi, wa amogela dineo mo bathong – ee, le mo baganetsing – go nna kgosi o le Morena, Modimo. A go bakwe Morena yo o re belegang ka letsatsi le letsatsi. Modimo ke pholoso ya rona. Sela. Modimo ke Modimo wa dithuso mo go rona; Modimo Morena o itse go re falodisa mo losong. Ruri, Modimo o tla tšhwetlaka ditlhogo tsa baba ba ona, e bong logata lo lo moriti lwa yo o ntseng a iphelela mo molatong wa gagwe. Morena o rile: “Ke tla ba busa kwa Basane, ke tla ba busa mo bodibeng jwa lewatle, gore o phatšhe ka lonao mo mading; diteme tsa dintšwa tsa gago di nne le seabe sa tsona mo babeng.” Ba bona tsamao ya masomo a gago, Modimo, tsamao ya masomo a Modimo wa me, a kgosi ya me, a tsena mo Felong-ga-Boitshepo. Baopedi ba etelela pele, ba latelwa ke baletsi ba dikwadi tsa dithapo, ba tsentswe gare ke makgarebe a a letsang meropa. “Bakang Modimo, Morena, mo diphuthegong, lona ba motswedi wa Iseraele!” Go teng Benyamene yo mmotlana yo o ba busang, dikgosana tsa Juta ka lesomo, dikgosana tsa Sebulone, dikgosana tsa Nafetale. Modimo, laela thata ya gago, o itshupe o le thata, wena Modimo o o re diretseng, o le kwa Tempeleng ya gago o okametse Jerusalema. Dikgosi di tla go tlisetsa dineo. Kgalemela sephedi sa motlhaka – motlhape wa dipoo mmogo le merafe ya se-ka-morôle – ba ba ineelang ka dikgolokwe tsa selefera. Falatsa merafe e e natefelwang ke ntwa. Dikgosana di tla tswa kwa Egepeto; lefatshe la Khuše le tla akofa le ntshetsa Modimo mabogo a lone. Lona magosi a lefatshe, opelelang Modimo; opelelang Morena pako; Sela, ona o o ralalang magodimo a a godimodimo a bogologolo tala; utlwang, o utlwatsa lentswe la ona, lentswe le legolo. Neelang Modimo thata, borena jwa ona bo okame Iseraele le thata ya ona e mo marung. Modimo o boitshega go tswa mafelong a ona a a boitshepo. Modimo wa Iseraele ke ona o o nayang morafe thata le nonofo. A Modimo o bakwe. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”. Modimo, nthuse! Gonne metsi a gaufi le go mpeta. Ke rorometse mo lerageng le le botengteng, kwa go se nang boemo teng; ke wetse mo madibeng a metsi, morwalela o nkhurumeditse. Ke lapisitswe ke go lela ga me, ke sule lentswe; matlho a me a a fela ke ntse ke lebeletse Modimo wa me. Ba ba ntlhoileng, go se na molato, ba bantsi go feta dithiri tsa tlhogo ya me. Ba ba ratang go ntshenya, ba e leng baba ba me kwa ntle ga lebaka ba thata, ba re, ke tshwanetse go busa se ke sa se gapang. Modimo, wena o itse bosilo jwa me, le melato ya me ga o a e subelwa. A bona ba ba go lebeletseng ba se tlhajwe ke ditlhong ka nna, Morena, Modimo wa masomosomo. A bona ba ba go batlang ba se swabe ka nna, Modimo wa Iseraele. Gonne ke ka ntlha ya gago ke rweleng nyatsego, ditlhong di bipile sefatlhego sa me. Bomorwa-rre ke ba fetogetse moeng, ke yo o sa itsiweng mo baneng ba ga mme. Gonne go tlhoafalela Ntlo ya gago go njele, le dikgobo tsa bona ba ba go kgobang di nkwetse. Ke ne ka ikutlwisa botlhoko ka go itima dijo, mme ga mphetogela ditlhong. Ka ikapesa kgetse ya bohutsana, mme ka tswa seane sa tshotlo mo go bona. Ba ba ntseng mo kgotleng ba bua ka ga me, le ba ba nwang bojalwa ba nkopela difela. Mme nna, thapelo ya me ke e lebisitse wena, Morena, ka nako e e go kgatlhang. Modimo, nkutlwe ka fa bogolong jwa bopelotlhomogi jwa gago le ka ntlha ya pholoso ya gago e e ikanyegang. Ntshwatole mo lerageng gore ke se ka ka rôrômelela ruri; a ke gololwe mo go ba ba ntlhoileng le mo madibeng a metsi. A morwalela o se nkhurumetse, le bodiba a bo se nkometse; a lemena le se itswale molomo godimo ga me. Nkutlwe, Morena, gonne bopelotlhomogi jwa gago bo molemo; retologela go nna ka fa bogolong jwa boutlwelo-botlhoko jwa gago. Mme o se ka wa fitlhela motlhanka wa gago sefatlhego sa gago, gonne ke mo pitlaganong. Akofa o nkutlwe. Atamela mowa wa me, o o golole; nkgolole ka ntlha ya baba ba me. Wena o itse nyatsego ya me le ditlhong tsa me le go kgojwa ga me; baganetsi ba me o ba itse botlhe. Nyatsego e mphatlotse pelo, ka felelwa ke thata; ke tlhologeletswe boutlwelo-botlhoko, mme ga bo yo, le bagomotsi, mme ga ke ba bone. Ba nneile santlhokwe go nna sejo sa me, mme e rile ke nyorilwe, ba nnosa motatsa. A bojelo jwa bona bo nne segole fa pele ga bona, le mutlwane mo go ba ba sa kgathaleng sepe. A matlho a bona a fifale gore ba se ka ba bona, o theeketse dinôka tsa bona ka gale. Goromeletsa kgakalo ya gago mo go bona, a molelo wa bogale jwa gago o ba tshware. A boago jwa bona bo nne letlotla; a go se age ope mo ditenteng tsa bona. Gonne ba bogisa ena yo wena o mo iteileng; ba godisa botlhoko jwa yo ò mo khutlileng. Oketsa molato wa bona ka molato; a ba se bone tshiamiso ya gago. A ba phimolwe mo bukeng ya bophelo; a ba se kwalwe le basiami. Mme nna ke bogisegile, ke tletse botlhoko. A pholoso ya gago, Modimo, e nkgodise. Ke tla tumisa leina la Modimo ka sefela, ke le godisa ka pina e e lebogang. Moo go tla kgatlha Morena bogolo go kgomo, e bong poo e e nang le dinaka le ditlhako tse di maphata. Ba ba pelonolo ba a go bona, ba itumele. Lona ba lo batlang Modimo, a dipelo tsa lona di phele. Gonne Morena o utlwa bahumanegi; ga a nyatse batshwarwi ba gagwe. A legodimo le lefatshe di mo tumise, le mawatle le tsotlhe tse di nyeulang mo go ona. Gonne Modimo o tla pholosa Sione, o aga metse ya Juta; ba tla aga teng, ba e rua. Boora batlhanka ba ona ba tla rua boswa teng; ba ba ratang leina la ona ba tla aga gona. Pesalome ya ga Dafita ya kgopotso mo tshupelong ya tebogo e e kwaletsweng moopedisi. Modimo, akofa o nkgolole; Morena, itlhaganele o nthuse. A ba ba batlang go mpolaya ba tlhajwe ke ditlhong, ba sosobane; a ba ba kgatlhwang ke tlalelo ya me ba kate ka morago, ba tlhajwe ke kgala. A ba ba reng: “Ahee, ahee!” ba boele kwa morago ka ntlha ya ditlhong tsa bona. A botlhe ba ba go batlang ba go itumelele, ba ipele; a ba ba ratang pholoso ya gago ba nne ba bue ba re: “Modimo o mogolo.” Mme nna ke motlalelwi, ke mohumanegi; Modimo, a o ko o tle go nna ka bonako. Ke wena thuso ya me le mopholosi wa me; Morena, o se diege. Ke tshabela kwa go wena, Morena; a ke se tlhajwe ke ditlhong ka gope. Mpholosa ka tshiamo ya gago, o nkgolole; ntshekegela tsebe o nthuse. O nne logaga lwa me lwa phemelo lo nka tsenang mo go lone ka gale, wena yo o laetseng go nthusa; gonne ke wena lefika la me le phemelo ya me ya kwa thabeng. Modimo wa me, nkgolole mo letsogong la moikepi, mo letsweleng la mosiamolodi le la yo o setlhogo. Gonne ke wena yo ke go solofetseng, Morena Modimo, ke go ikantse go tswa bokaung jwa me. Ke itshegeditse ka wena go tswa botsalong, ke wena mogolodi wa me go tswa tlholegong ya me; sefela sa ka se tla baka wena ka gale. Nna ke kgakgamatso mo bathong ba bantsi; mme wena o botshabelo jo bo thata jwa me. Molomo wa me o tletse pako ya gago le kgalaletso ya gago ka gale. Se ntatlhe mo motlheng wa botsofe; se ntlogele mogang thata ya me e felang. Gonne baba ba me ba bua ka ga me, le ba ba laletseng bophelo jwa me ba a gakololana. Ba re: “Modimo o mo tlogetse; mo lelekeng, lo mo tshware; gonne ga a na monamoledi.” Modimo, o se nne kgakala le nna; Modimo wa me, akofa o nthuse. A ba ba tlhabanang le mowa wa me ba tlhajwe ke ditlhong, ba fele; a ba ba batlang tlalelo ya me ba bipiwe ke nyatsego le tshotlego. Mme nna ke tla nna ke lebelela, ke godisa tumo yotlhe ya gago. Molomo wa me o tla bolela tsa tshiamo ya gago le tsa pholoso ya gago ka metlha yotlhe; gonne ga ke itse palo ya tsona. Ke tla tla ka ditiro tse di thata tsa Morena Modimo, ke tla tumisa tshiamo ya gago o le wesi fela. Modimo, o nthutile go tswa bokaung jwa me; ke ntse ke bolela dikgakgamatso tsa gago go fitlhelela kajeno. Le gona, Modimo, o se ka wa ntlogela go ya botsofeng, fa ke thuntse tlhogo, go ya ke be ke bolelele losika lo lo tlang tsa letsogo la gago le botlhe ba ba tlang tsa thata ya gago. Le gona tshiamo ya gago, Modimo, e fitlha kwa godimodimo; Modimo, wena yo o dirileng dilo tse dikgolo, ke mang yo o tshwanang nao? Wena yo o dirileng gore ke bone dipitlagano tse dintsi le ditlalelo, o tla boa o mphedisa, o ntlhatlosa gape mo madibeng a lefatshe. O tla godisa bogolo jwa me, o boa o nkgomotsa. Jaanong le nna ke tla go lebogela boammaaruri jwa gago ka seletso sa harepa, Modimo wa me, ke go opelela ka katara, wena Moitshepi wa Iseraele. Molomo wa me o tla duduetsa, fa ke go opelela pako, le mowa wa me o ò o golotseng. Loleme lwa me le lone lo tla nna lo bua ka ga tshiamo ya gago ka metlha; gonne ba ba neng ba mpatlela tatlhego ba tlhabilwe ke ditlhong ba nyatsega. Pesalome ya ga Salomo. Modimo, naya kgosi melao ya gago; morwa kgosi o mo nee tshiamo ya gago gore a atlhole batho ba gago ka tshiamo, le batlalelwi ba gago ka molao. A dithaba di ungwele batho kagiso, le dithabana di ba ungwele tshiamo. O tla siamisetsa batlalelwi ba morafe, a pholosa bana ba bahumanegi, a tšhwetlakanya mogateledi. O tla phela sebaka se se kana ka letsatsi le tlhabile le ngwedi o ise o phirime go ya tshikatshikeng. O tla fologa jaka pula mo pilong, jaaka medupe e e nosang lefatshe. Mo malatsing a gagwe tshiamo e tla tlhoga, kagiso e kgolo e tla nna teng go fitlhelela ngwedi o sa tlhole o le yo. O tla busa go tswa lewatleng go ya go le lengwe, le go tswa Nokeng go ya mafelelong a lefatshe. Ba ba agileng mo dikakeng ba tla khubama fa pele ga gagwe, baba ba gagwe ba tla latswa lerole. Dikgosi tsa Tharesise le tsa ditlhakenyana di tla tsisa dimpho; dikgosi tsa Šeba le Seba di tla ntsha lekgetho. Dikgosi tsotlhe di tla mo ikobela, ditšhaba tsotlhe di tla mo direla. Gonne o tla golola mohumanegi yo o goelang thuso le mmogisegi le yo o se nang mothusi. O tla utlwela yo mmotlana le motlhoki botlhoko, a pholosa mewa ya bahumanegi. O tla golola maphelo a bona mo patikegong le mo kgatelelong; madi a bona e tla nna a botlhokwa mo matlhong a gagwe. A kgosi e phele, mme ba e nee tsa gouta ya Šeba, ba e rapelele ka gale, ba e tshegofatse ka metlha. A go nne letlotlo la mabele mo lefatsheng, a go sume kwa ditlhoeng tsa dithaba; a leungo la lone le tshwane le Lebanone; a batho ba motse ba rune jaaka morogo wa lefatshe. A leina la yona le nnele ruri. A leina la yona le tlhoge letsatsi le ntse le le teng; a ditšhaba tsotlhe di tshegofadiwe ka yona, a di e boke di re: Kgosi e tlhogonolo. A go bokwe Morena, Modimo, Modimo wa Iseraele, o e leng ona fela o o dirang dikgakgamatso. Mme a leina la ona le le galalelang le bakwe ka bosakhutleng; a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo ya ona, Amen, ee, a go nne jalo! Fano go fela dithapelo tsa ga Dafita, morwa Isai. Pesalome ya ga Asafe. Ruri, Modimo o molemo mo go Iseraele, mo go bona ba ba dipelo di phepa. Mme nna, dinao tsa me di batlile go kgotšwa, dikgato tsa me di batlile go relela. Ke ne ke fufegela baikgantshi ka go bona letlhogonolo la baikepi. Gonne ga ba na matlhoko; mebele ya bona e itekanetse, e nonne. Ga ba mo tapisegong ya batho ba bangwe; ga ba tshwenyege jaaka batho ba bangwe. Ke gona ka moo mokgabo wa molala wa bona e leng boikgodiso; bosetlhogo ba bo apere jaaka kobo. Matlho a bona a rotogile ka monono; maano a dipelo tsa bona a a tswelela. Ba a sotla, ba bua patiko ka boikepo; ba bua ka boikgodiso. Ba bua tse di kgatlhanong le tsa legodimo; diteme tsa bona di itaola mo lefatsheng. Ke ka moo batho ba sokologelang kwa go bona, ba gope metsi a thuto ya bona ka botlalo. Ba re: “Modimo o ka itse jang, a ruri go na le kitso mo Mogodimodimong?” Bonang, baikepi ba ntse jalo; ee, ba godisa khumo ya bona ba ntse ba iketlile. Ruri, ke lefelafela fa ke ntse ke phepafatsa pelo ya me, ke tlhapa diatla ka bosenamolato. Gonne ke tlhola ke tshwenngwa ka metlha, ke watlhaiwa moso mongwe le mongwe. Fa nka bo ke rile, ke tla bolela jaaka bona, nka bo ke diretse losika lwa bana ba gago ka boikanyologo. Foo ke ne ka akanya gore ke tlhaloganye selo se, ke fitlhela e le matsapa fela, ga tsamaya ka tsenelela ditsamaisong tse di boitshepo tsa Modimo, ka lemoga bokhutlo jwa bona. Ruri, o ba baya mo mareleding; o ba leseletsa go wela mo tshenyegong. Kana ba fetoga theregiso ka tshoganyetso; ba fele, ba nyelele ka poitshego! Wena Morena, o nyatsa setshwano sa bona, fa o tsoga, jaaka toro e nyatsega, fa motho a sena go thanya. E rile pelo ya me e ntse e galakegile mme ke tlhabegile mo diphilong, ka bo ke le lesilo, ke sa itse sepe, ke le jaaka phologolo fela fa pele ga gago. Mme nna ke ntse ke na nao; o ntshwere letsogo le le jang. O tla nkgoga ka kgakololo ya gago, mme morago ga moo o tla nkamogela kwa kgalalelong. Ke na le mang kwa legodimong, fa e se wena? Fa ke na nao, ga ke kgatlhwe ke sepe mo lefatsheng. Le fa nama ya me le pelo ya me di ka nyelela, Modimo ke lefika la pelo ya me, le kabelo ya me ka bosakhutleng. Gonne bona, ba ba ikgaoganyang le wena ba tla latlhega; o nyeletsa botlhe ba ba akafalang ka go ikepa mo go wena. Mme fa e le nna, ke itumela go nna gaufi le Modimo. Wena Morena Modimo o botshabelo jwa me. Ke tla bolela ditiro tsotlhe tsa gago. Sefela sa thuto sa ga Asafe. Ke ka ntlha yang, Modimo, fa o re latlhetse ruri, mme bogale jwa gago bo tukela dinku tsa mafulo a gago? Gopola phuthego ya gago e o sa leng o e ithekela bogologolo e o e ithekololetseng gore e nne setšhaba sa boswa jwa gago, e bong thaba ya Sione e o kileng wa aga mo go yona. Tsholeletsa dinao maropeng a a nnetseng ruri. Mmaba o sentse tsotlhe mo Felong-ga-Boitshepo. Baganetsi ba gago ba ne ba bôpa mo mafelong a phuthego ya gago; ba emisitse difoka tsa bona go nna ditshupo. Go tshwana le batho, fa ba eketse sekgwa sa ditlhare dilepe. Mme jaanong ba kgekgethile meseto yotlhe ka dilepe le ka dinoto. Ba tshubile Felo-ga-Boitshepo ga gago, ba itshepolotse boago jwa leina la gago ka go bo digela fa fatshe. Ba rile mo pelong tsa bona: “A re ba remaganyeng botlhe!” Ba fisitse matlo otlhe a Modimo mo lefatsheng. Ga re bone ditshupo tsa rona; ga go tlhole go le moporofeti ope. Ga go ope mo go rona yo o itseng gore go tla tswelela go ya leng. Ao, Modimo, kana moganetsi o tla kgala goleele go le kae? A mmaba o tla nna a kgoba leina la gago ka bosakhutleng? Ke ka ntlha yang, fa o gonyetsa letsogo, e bong letsogo le le jang? Le ntshe mo sehubeng sa gago, o nyeletse! Kana Modimo e ntse e le kgosi ya me go tswa bogologolong, ona o o dirang ditiro tsa pholoso mo lefatsheng. Wena o dirile ka thata ya gago gore lewatle le kgaphasele, wa tšhwetla ditlhogo tsa dikgogela mo metsing. Wena o tšwetlakantse ditlhogo tsa kgwanyape, wa e neela bontsi jwa diphedi tsa sekaka gore di e je. Wena o phuntse metswedi le melatswana, wa kgadisa dinoka tse dikgolo tse di ntseng di sa kgale. Motshegare ke wa gago, bosigo le jona ke jwa gago; o beile lesedi le letsatsi. Wena o segile melelwane yotlhe ya lefatshe; selemo le mariga di dirilwe ke wena. Gopola tse: Mmaba o go kgadile, Morena; batho ba masilo ba kgobile leina la gago. O se ka wa naya sebata mowa wa lephoi la gago; o se ka wa lebalela ruri maphelo a batlalelwi ba gago. Leba kgolagano; gonne matikelo a lefatshe a tletse mafelo a tshenyo e e setlhogo. A mopatikwa a se boe a tlhabilwe ke ditlhong; a babogisegi le bahumanegi ba boke leina la gago. Nanoga, Modimo, o lwele tshiamo ya gago. Gopola kgobo e o tlholang o e direlwa ke motho wa lesilo. O se ka wa lebala tlhodio ya baganetsi ba gago le dipopo tsa ba ba go tsogetseng, tse di ntseng di tlhatloga. Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi; sefela se se opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”. Re a go leboga, Modimo, re a leboga. Re bitsa leina la gago, re bolela dikgakgamatso tsa gago. “Fa nako ya me e tsile, ke atlhola ka tshiamo. Le fa lefatshe le ka tshikinyega le botlhe ba ba agileng mo go lone, nna ke tlhomamisitse maotwana a lone. Sela. Ke reile masilo ka re: ‘Se nneng bosilo,’ le baikepi ka re: ‘Se tsholetseng lonaka. Se tsholeletseng lonaka lwa lona kwa godimo; se bueng tsa matepe, lo gagamaditse melala.’ ” Gonne katlholo ga e tswe kwa botlhabatsatsi le e seng kwa bophirimatsatsi le e seng kwa sekakeng sa dithaba, mme moatlhodi ke Modimo, o kokobetsa yo, o godisa yole. Gonne mo seatleng sa Morena go senwelo sa weine e e fufulang, e tletse ditswaiso, mme o nosa ka sona; ee, baikepi botlhe ba lefatshe ba tla gôpa magorugoru a sona, ba a nwa. Mme nna ke tla bolela ka bosakhutleng, ke opelela Modimo wa ga Jakobe o o rileng: “Ke tla kgaola dinaka tsotlhe tsa baikepi; dinaka tsa basiami tsona di tla tsholediwa.” Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi; sefela se se opedisiwang ka kwadi ya dithapo. Modimo o itsiwe mo Juta; leina la ona le legolo mo Iseraele. Ee, motlaagana wa ona o mo Saleme, le boago jwa ona mo Sione. O robakile metsu-seka-ditladi ya bora teng, le thebe le tšhaka le tsa ntwa. Sela. O a phatsima, o a galalela, o tswa kwa dithabeng tsa thopo. Dinatla tse di pelokgale di thopetswe, di gateletswe ke boroko, bagale botlhe ba repile diatla. Modimo wa ga Jakobe, koloi ya ntwa le pitse di tserwe ke madiopo ka kgalemelo ya gago. Wena o yo o boitshegang; ke mang yo o ka emang fa pele ga gago, fa bogale jwa gago bo tuka? O ne wa utlwatsa katlholo go tswa kwa legodimong; lefatshe la tshoga, la didimala, fa Modimo o ema go atlhola gore o thuse botlhe ba ba pelonolo ba lefatshe. Sela. Gonne bogale jwa motho bo a go tlotla, o itlama ka bogale jo bo setseng. Ikaneleng Morena, Modimo wa lona, lo o lefele maikano. A botlhe ba ba o dikanyeditseng ba tsisetse ona o o tshabegang dineo, o o kokobetsang boikgantsho jwa dikgosana, o o tshabegang mo dikgosing tsa lefatshe. Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ga Jeduthune. Lentswe la me le lebile Modimo, ke a kua; lentswe la me le lebile Modimo gore o ntshekegele tsebe. Ke batla Morena ka letsatsi la tlalelo ya me; letsogo la me le otlologile mo bosigong, le sa lape; mowa wa me o gana go gomotsega. Fa ke gopola Modimo, ke fegelwe; fa ke akanya, mowa wa me o nne mo maibing. Sela. O tshwere dintshi tsa matlho a me, ke a tlhobaela, e bile ke palelwa ke go bua. Ke akanya malatsi a sebaka sa pele le dinyaga tsa bogologolo tala. Ke gopola go letsa kwadi ga me mo bosigong; ke akanya mo pelong ya me, mowa wa me o tlhotlhomisa o re: “A Morena o tla latlhela ruri, a ga a nke a tlhola a kgatlhwa ke rona? A bopelontle jwa gagwe bo feletse ruri? A tsholofetso e e neng e raya ditshika tsotlhe e khutlile? A Modimo o lebetse go itshwarela, a kampo o tswaletse boutlwelo-botlhoko jwa ona ka bogale?” Sela. Foo ka re: “Ke bolwetse jwa me, fa ke ne ke re: Letsogo le le jang la Mogodimodimo le fetogile.” Ke tla gopola ditiro tsa Morena; ee, ke tla gopola dikgakgamatso tsa gago tsa bogologolo; ke tla akanya tiro yotlhe ya gago; ke elelelwa tse o di dirileng. Tsela ya gago, Modimo, e mo boitshepong; ke modimo ofe o o kana ka wena, Modimo wa rona? Ke wena, Modimo, o o dirang dikgakgamatso, o itsisitse thata ya gago mo merafeng. O golotse batho ba gago ka letsogo le le thata, boora Jakobe le Josefa. Sela. Metsi a go bonye, Modimo, metsi a go bonye, a roroma; ee, merwalela ya tetesela. Maru a tsholotse metsi, maru a duma; metswi ya gago le yona ya thuntshiwa. Tumo ya gago ya maru e utlwetse jaaka koloi e kgothosela; dikgadima tsa bonesa lefatshe; lefatshe la roroma, la kutuma. Tsela ya gago e ne e le mo lewatleng, le ditselana tsa gago mo metsing a magolo; mme metlhala ya gago e ne e sa bonale. O ne o goga batho ba gago jaaka letsomane ka Moše le Arone. Sefela sa thuto sa ga Asafe. Lona batho ba me, reetsang thuto ya me, sekegelang mafoko a molomo wa me ditsebe. Ke tla tswa molomo, ke bolela seane, ke ntsha dinyepo tsa bogologolo. Tse re di utlwetseng, ra di itse, tse borraetsho ba di re boleletseng, ga re ka ke ra di lobela bana ba bona; re tla bolelela losika lo lo tlang ditiro tsa pako tsa Morena, le thata ya gagwe, le dikgakgamatso tse a di dirileng. Gonne o tlhomile tshupo mo go Jakobe, a baya molao mo go Iseraele o a o laetseng borraetsho gore ba o itsise bana ba bona, gore losika lo lo tlang lo o itse, e bong bana ba ba tla tsalwang, gore ba tle ba o bolelele bana ba bona, le gore ba ikanye Modimo, mme ba se lebale ditiro tsa Modimo, mme ba tshegetse ditaolo tsa ona gore ba se nne jaaka borraabo ba e neng e le losika lo lo tlhogo-e-thata lwa borukhutlhi, losika lo lo tlhokang pelo ya tlhomamo le mowa o o lebileng Modimo ka boikanyo. Baeferaime ba ba neng ba ipaakantse go hula ka bora, ba menoga, ba tshaba ka letsatsi la tlhabano. Ga ba a ka ba tlhokomela kgolagano ya Modimo, ba bile ba ganne go tsamaya ka fa molaong wa ona; ba lebala ditiro tsa ona le dikgakgamatso tse o di ba bontshitseng. O dirile dikgakgamatso fa pele ga borraabo kwa lefatsheng la Egepeto, mo nageng ya Soane. O kgaogantse lewatle, wa ba tshedisa; wa emisa metsi jaaka lobota. Motshegare o ne wa ba goga ka leru, mme bosigo jotlhe ka lesedi la molelo. O phatlotse mafika mo sekakeng, wa ba nosa ka botlalo jaaka ka merwalela. O ne wa ntsha dinokana mo lefikeng, wa eledisa metsi jaaka dinoka. Mme ba fela ba tswelela pele go o leofela, ba rukhutlhegela Mogodimodimo kwa nageng e e omileng. Ba leka Modimo mo dipelong tsa bona ka go lopa dijo ka fa kgatlhegong ya bona. Ba bua kgatlhanong le Modimo ba re: “A Modimo o ka baakanya bojelo mo sekakeng? Ee, o iteile lefika, metsi a ba a ela, dinokana tsa phothosela. Mme a senkgwe le sona o ka se ntsha, gongwe wa naya batho ba ona nama?” Ke gona e rileng Morena a utlwa, a tuka bogale; molelo wa tukela Jakobe, ee, bogale jwa tsogela Iseraele, ka ba se ka ba dumela Modimo, le e seng go ikanya thuso ya ona. Jaanong wa laela maru kwa godimo, wa bula mejako ya legodimo. Wa ba nesetsa Mmana go o ja, wa ba naya mabele a legodimo. Ba ja sejo sa baengele, wa ba romela mfago, ba kgora. O ne wa fokisa phefo ya botlhabatsatsi kwa legodimong, wa phunya phefo ya borwa ka thata ya ona. Wa ba nesetsa nama jaaka lerole le dinonyane tse di diphuka jaaka motlhaba wa lewatle. Wa di digela mo bothibelelong jwa bona tikologong ya maago a bona. Foo ba ja, ba kgora thata; wa ba tsisetsa tse ba neng ba di eleditse. E rile ba ise ba bakele keletso ya bona, nama e sa ntse e le mo maganong a bona, bogale jwa Modimo jwa ba tsogela, mme wa bolaya ba ba nonneng mo go bona, wa namalatsa makau a Iseraele. Mme ba tlhokomologa tsotlhe tseo, ba fela ba leofela pele, ba se ka ba dumela dikgakgamatso tsa ona. Ka moo wa fedisa malatsi a bona mo bosengsepe, le dinyaga tsa bona mo theregong. Mme e ne ya re fa o ba bolaya, ba botse ka ga ona, ba tlhabologe, ba batle Modimo; ba gakologelwe, fa Modimo e le lefika la bona, mme Modimo Mogodimodimo e le mogolodi wa bona. Mme ba rata go o kgona ka melomo ya bona, ba o aketsa ka diteme tsa bona; mme dipelo tsa bona di ne di sa o ineele ka tlhomamo, ba sa tlhokomele kgolagano ya ona ka boikanyego. Mme ona ka o le kutlwelo-botlhoko, o ne o itshwarela molato, o sa ba nyeletse; e bile o ne o busa bogale jwa ona gantsi, o sa tsose kgakalo yotlhe ya ona. O ne o gopola, fa bona ba le nama fela, ba le mowa o o fetang, o o sa tlholeng o ka boa. Ba ne ba o rukhutlhegela gantsi jang ne kwa sekakeng, ba o hutsafatsa kwa gareganaga. Ba leka Modimo gangwe le gape, ba kgopisa Moitshepi wa Iseraele. Ba ne ba se ke ba gakologelwa letsogo la ona, le e seng letsatsi le o ba namoletseng mmaba ka lone, jale fa o ne o dira ditshupo tsa ona kwa lefatsheng la Egepeto, le dikgakgamatso tsa ona mo nageng ya Soane. O ne wa fetola metsi a dinoka tsa bona madi, le a dinokana tsa bona gore ba retelelwe ke go nwa. Wa ba romela diboba, tsa ba loma, le digwagwa, tsa ba senyetsa. Thobo ya bona wa e naya segongwane, le leungo la matsapa a bona wa le naya tsie. Wa senya moweine wa bona ka sefako, le megokare wa bona ka serame. Wa bolaya dikgomo tsa bona ka sefako, le matsomane a bona ka ditladi. Wa ba romela bogale jo bo tukang jwa ona, le kgakalo le kgalefo le pitlagano, lesomo leo la barongwi ba tlalelo. Wa baakanyetsa bogale jwa ona tsela, wa se ka wa thibela mewa ya bona go ya losong, wa neela leroborobo maphelo a bona. Wa itaya maitibolo a tsotlhe mo lefatsheng la Egepeto, le bana ba ntlha ba thata ya bona mo ditenteng tsa ga Hame. Mme batho ba ona wa ba bolotsa jaaka dinku, wa ba goga mo sekakeng jaaka letsomane. Wa ba tsamaisa tshireletsong, mo ba sa boifeng sepe; mme baba ba bona, lewatle la ba nwetsa. Wa ba fitlhisa kwa lefatsheng le le boitshepo la ona, kwa thabeng e letsogo le le jang la ona le e thopileng. Mme wa leleka merafe fa pele ga bona, wa ba ruisa lefatshe la yona jaaka boswa jo ba bo lekanyeditsweng, wa agisa ditso tsa Iseraele mo matlong a bona. Mme bona ba ne ba leka Modimo, Mogodimodimo, ba o rukhutlhegela, ba sa tlhokomele ditshupo tsa ona. Ba ikepa, ba dira ka boikanyologo jaaka borraabo; ba boela kwa morago jaaka bora jo bo sa ikanngweng. Ba o kgopisa ka dithota tsa tlhabelo tsa bona, ba tsosa lefufa la ona ka medimo ya diseto ya bona. E rile Modimo o utlwa, wa galefa, wa latlha Iseraele gotlhe, wa ba wa tlogela Taberenakele ya kwa Silo, e bong tente e o neng o e tlhomile mo bathong. Mme thata ya ona wa e neela mo botshwarong le kgalalelo ya ona ya ona mo letsogong la mmaba. Batho ba ona wa ba neela mo tšhakeng; boswa jwa ona wa bo gakalela. Molelo o jele makau a bona; makgarebe a bona ga a ka a tlhabelwa mogolokwane wa nyalo. Baperesiti ba bona ba ole ka tšhaka, mme batlholagadi ba bona ba palelwa ke go ba lelela. Foo Morena a thanya jaaka mongwe yo o ne a robetse, jaaka mogale yo o neng a fentswe ke weine. A itaya baganetsi ba gagwe, a ba busetsa kwa morago, a ba tsisetsa tshotlego e e sa khutleng. Ke go re: A latlha tente ya ga Josefa, a se ka a itlhaolela lotso lwa ga Eferaime, mme a itlhaolela lotso lwa ga Juta, thaba ya Sione e a e ratang. A aga Felo-ga-Boitshepo ga gagwe jaaka bogodimo jwa legodimo, jaaka lefatshe le o le thaetseng bosakhutleng. A itlhaolela Dafita, motlhanka wa gagwe, a mo tsaya a le kwa merakeng ya dinku. A mo tlosa a disitse dinku tse di amusang gore a dise Jakobe, batho ba gagwe, le Iseraele, boswa jwa gagwe. Mme o ne a ba disa ka fa pelong ya boammaaruri ya gagwe, a ba tsamaisa ka diatla tse di maatlametlo. Pesalome ya ga Asafe. Modimo, baheitane ba tsenye mo bosweng jwa gago; ba itshepolotse Tempele e e Boitshepo ya gago; ba dirile Jerusalema maroperope fela. Ditoto tsa batlhanka ba gago ba di file dinonyane tsa loapi go di ja; nama ya baitshepi ba gago ba e file dibata tsa naga. Madi a bona ba a tsholotse jaaka metsi tikologong ya Jerusalema, mme go ne go se ope yo o ba fitlhang. Re diregile nyatsego fela mo go ba re bapileng nabo; le tshotlego le kgobo mo go ba ba tikologong ya rona. E tla nna goleele go le kae, Morena? A o tla galefela ruri, a lefufa la gago le tla tuka jaaka molelo? Tshololela kgakalo ya gago mo baheitaneng ba ba sa go itseng le mo magosing a a sa bitseng leina la gago. Gonne ba jele Jakobe, ba senya boago jwa gagwe. O se ka wa re beletsa ditshiamololo tsa borraetsho-mogolwagolwane; a boutlwelo-botlhoko jwa gago bo re kgatlhantshe ka bonako, gonne re koafetse thata. Re thuse, Modimo wa pholoso ya rona ka ntlha ya tlotlo ya leina la gago; o re namolele, o re itshwarele maleo ka ntlha ya leina la gago. Kana baheitane ba tla buelang ba re: “Modimo wa bona o kae?” A pusolosetso ya madi a a tsholotsweng a batlhanka ba gago e itsege mo baheitaneng fa pele ga matlho a rona. A phegelo ya bagolegwi e fitlhe fa pele ga gago; a bona ba ba tshwanetseng go swa ba lesiwe ka fa bogolong jwa letsogo la gago. Mme kgalo e bona ba re bapileng nabo ba go kgadileng ka yona, Morena, o e ba busetse gasupa mo dihubeng tsa bona. Mme rona ba re leng batho ba gago le dinku tsa bofulo jwa gago, re tla go leboga ka bosakhutleng, re bolela pako ya gago go ya tshikatshikeng. Pesalome ya tshupo ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”. Wena, Modisa wa Iseraele, a o ko o utlwe; wena yo o gogang Josefa jaaka letsomane, wena yo o ntseng godimo ga boKerubime, iponatse ka phatsimo. Tsosa nonofo ya gago fa pele ga Eferaime le Benyamene le Manase, mme o tle go re thusa. Re tlhabolole, Modimo, o phatsimise sefatlhego sa gago gore re phologe. Morena, Modimo wa masomosomo, o tla galefela thapelo ya batho ba gago goleele go le kae? O ba jesitse senkgwe sa dikeledi, wa ba nosa dikeledi gagolo thata. O re dirile se se lwelwang mo go ba re bapileng nabo, baba ba rona ba a re sotla. Re tlhabolole, Modimo wa masomosomo, o phatsimise sefatlhego sa gago gore re phologe. O epolotse setlhatshana sa moweine mo lefatsheng la Egepeto, wa leleka ditšhaba, wa se tlhoma. O se baakanyeditse manno, sa nama medi, sa tlala lefatshe. Dithaba di ne di khurumediwa ke moriti wa sona, le mesetere ya Modimo e khurumediwa ka dikala tsa sona. Se ne se godisa dikala tsa sona go fitlha kwa lewatleng le matlhogela a sona go fitlha kwa nokeng ya Ferathe. Kana o ne o phomelang dipota tsa sona gore botlhe ba ba fetang ka tsela ba se fotlhe? Kolobe ya sekgwa e a se epolola, diphologolo tsa naga di a se ja. Tswetswe, boa, Modimo wa masomosomo; leba, o le kwa legodimong, o bone; o tlhokomele setlhatshana se sa moweine; e bong setlhongwa se se tlhomilweng ka letsogo la gago le le jang, le morwa yo ò mo ikgodiseditseng. Se fisitswe ka molelo, sa kgaolwa; a baba ba latlhege ka kgalemelo ya sefatlhego sa gago. A letsogo la gago le okame monna yo o dirilweng ke letsogo la gago le le jang, e bong morwa motho yo ò mo ikgodiseditseng. Foo ga re kitla re go hularela. Re phedise, mme re tla bitsa leina la gago. Re tlhabolole, Morena, Modimo wa masomosomo, o phatsimise sefatlhego sa gago gore re phologe. Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ba ba gatang segatelo. Ipeleleng Modimo o e leng thata ya rona, lo dudueletse Modimo wa ga Jakobe. Tlhabang sefela, lo letse moropa le katara e e itumedisang le harepa. Letsang phala, fa ngwedi o rogwa, gape fa o le mosweu ka letsatsi la moletlo wa rona. Gonne ke molao o o beetsweng Iseraele, ke se se siametseng Modimo wa ga Jakobe. O o beile go nna tshupo mo go Josefa, jale fa o bololela lefatshe la Egepeto. Ke utlwa puo e ke ne ke sa e itse, e re: “Ke ne ka rola magetla a gagwe morwalo, diatla tsa gagwe tsa imololwa seroto. O no wa bitsa o le mo tlalelong, ka go golola; ka go araba ke fitlhegile mo marung a a dumang, ka go leka fa metsing a Meriba. Sela. Reetsa, morafe wa me, ke tla go kaela; wena Iseraele, e kete o ka bo o nkutlwa. A go se ka ga nna modimo ope wa seeng mo go wena; le gona o se ka wa obamela modimo ope wa ba sele. Ke nna Morena, Modimo wa gago, o o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto; atlhamisa legano la gago gore ke le tlatse. Mme batho ba me ba ne ba sa reetse lentswe la me; Iseraele o ne a sa utlwane le nna. Ke fa ke ba naya tsela ka ntlha ya logwadi lwa dipelo tsa bona; ba itsamaela ka fa maitaolong a bona. E kete batho ba me ba ka bo ba nkutlwa! E kete Iseraele o ka bo a sepela mo ditseleng tsa me! Ke ne ke tla akofa ke kokobetsa baba ba bona, ke tsholeletsa baganetsi ba bona letsogo. Ba ba tlhoileng Morena ba ne ba tla mo tlakisa, mme sebaka sa bona Baiseraele e ne e tla nna se se sa khutleng. O ne a tla ba jesa mabele a a nonneng. Ke ne ke tla go kgorisa dinotshe tsa semana.” Pesalome ya ga Asafe. Modimo o eme mo phuthegong ya medimo; o atlhola fa gare ga medimo. Lo tla atlhola ka tshiamololo goleele go le kae, lo ntse lo gobelelela baikepi? Sela. Siamisetsang ba babotlana le dikhutsana; nayang batlalelwi le batlhoki se se ba tshwanetseng. Pholosang ba babotlana le bahumanegi; lo ba golole mo diatleng tsa baikepi. Medimo eo ga e na temogo, ga e na tlhaloganyo; e kgarakgatshega mo lefifing; metheo yotlhe ya lefatshe e a tshikinyega. Nna ka nosi ke rile, lo medimo; mme lotlhe lo bomorwa Mogodimodimo. Mme ruri, lo tla swa jaaka batho, lo tla wa jaaka mongwe wa ditona. Tloga o eme, Modimo, o atlhole lefatshe; gonne o tla rua ditšhaba tsotlhe. Sefela. Pesalome ya ga Asafe. Modimo, se tlhokomologe, se didimale, se nne fela, Modimo! Gonne, bona, baba ba gago ba a feretlha; ba ba go tlhoileng ba tsholetsa ditlhogo. Ba logela batho ba gago maano a bolotsana, ba gakololana ka ga ba o ba sireletsang. Ba re: “Tlayang, a re ba nyeletseng gore ba se tlhole ba nna morafe le gore leina la Iseraele le se tlhole le gopolwa.” Ba gakololanye ka bongwefela jwa pelo, ba go ikgolaganyetsa: E bong ba ditente tsa Etomo le Baisemaele le Bamoabe le Bahagare le ba Gebale le Baamone le Baamaleke le Bafelesita mmogo le baagi ba Tiro; Baasiria le bona ba ikopantse nabo, ba thusa boora Lote. Sela. Ba direle jaaka o kile wa direla Bamidiane le Sisera le Jabine fa nokeng ya Kisone. Ba nyeleditswe kwa Entore, ba tswa letshotelo la tshimo. Dira batlotlegi ba bona gore ba nne jaaka Orebe le Seebe le dikgosana tsa bona jaaka Seba le Salemuna tse di reng: “A re ithopeleng maago a Modimo.” Modimo wa me, ba dire jaaka matlakala le jaaka moko o o gogolwang ke phefo. Molelo o fisa sekgwa le kgabo ya molelo e tshuba dithaba: Ba leleke jalo ka ledimo la gago, o ba boifise jalo ka kgwanyape ya gago. Tlatsa difatlhego tsa bona ditlhong gore ba batle leina la gago, Morena. A ba tlhajwe ke ditlhong, ba boife ka go sa feleng. A ba setlhafale ka ditlhong, ba latlhege gore ba lemoge, fa wena yo o bidiwang Morena ò le Mogodimodimo ò le wesi o ò okameng lefatshe lotlhe. Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ba ba gatang segatelo. Kana maago a gago a mantlentle jang wena Morena wa masomosomo! Mowa wa me o tlhologeletswe, o fegelelwa malapa a Morena. Pelo ya me le nama ya me di dudueletsa Modimo o o phedileng. Le serobele se iponetse ntlo le peolwane sentlhaga kwa e ka bayang mamphorwana a yona teng, e bong dialetare tsa gago, Morena wa masomosomo, Kgosi ya me, Modimo wa me. Go sego bona ba ba agileng mo Ntlong ya gago, ba go baka ka gale. Sela. Go sego motho yo thata ya gagwe e leng mo go wena, yo ditsela tse di bonalang di leng mo pelong ya gagwe. Fa ba ralala mokgatsha wa komelelo, ba o dire lefatshe la metswedi; le gona pula ya ntlha e o khurumetse ka masego. Ba tsamaya ba tlhomogantse dithata; mongwe le mongwe wa bona o tla bonala fa pele ga Modimo mo Sione. Morena, Modimo wa masomosomo, utlwa thapelo ya me, a o ko o reetse, wena Modimo wa ga Jakobe. Sela. Modimo, thebe ya rona, leba o bone sefatlhego sa motlodiwa wa gago. Gonne letsatsi le le lengwe fela mo malapeng a gago le gaisa malatsi a le sekete a mangwe. Ke rata go nna fa serepoding sa mojako wa Ntlo ya Modimo wa me bogolo go go aga mo matlong a boikepo. Gonne Morena Modimo ke letsatsi le thebe; Morena o tla abela boitshwarelo le tlotlo; ba ba tsamayang ka tshiamo ga a kitla a ba tima tse di molemo. Morena wa masomosomo, go sego motho yo o go ikanyang. Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi. Morena, o utlwetse lefatshe la gago botlhoko, wa fetola tatlhego ya Jakobe. O itshwaretse molato wa morafe wa gago, wa bipa maleo otlhe a bona. Sela. O tlositse kgakalo yotlhe ya gago, wa boa mo bogaleng jwa gago jo bo tukang. Re tlhabolole, Modimo wa pholoso ya rona, o khutlise kgakalo ya gago mo go rona. A o tla re galefela ka bosakhutleng, a bogale jwa gago o tla bo tsweletsa pele go ya tshikatshikeng? A ga o kitla o re phedisa gape gore batho ba gago ba go itumelele? Re bontshe bopelotlhomogi jwa gago, Morena, o re nee pholoso ya gago. Ke rata go utlwa se Morena, Modimo, o tla se buang; gonne batho ba ona, e bong baratiwa ba ona, ruri, o tla bua nabo tsa kagiso. Fela a ba se boele gape kwa bosilong. Kana pholoso ya ona e gaufi le ba ba o boifang gore kgalalelo e age mo lefatsheng la rona. Bopelontle le boammaaruri di a kgatlhana; tshiamo le kagiso di a atlana. Boammaaruri bo tlhoga mo lefatsheng; tshiamo e lebile kwa tlase e le kwa legodimong. Le gona Morena o tla naya se se molemo, lefatshe la rona le tla ntsha leungo la lone. Tshiamo e mo eteletse pele, e tlhokometse tsela ya dikgato tsa gagwe. Thapelo ya ga Dafita. Morena, ntshekegele tsebe, o nkutlwe; gonne ke motlalelwi le mohumanegi. Boloka mowa wa me; gonne ke boitshepo. Wena Modimo wa me, thusa motlhanka wa gago yo o go ikantseng. Intshwarele, Morena; gonne ke ntse ke kuela go wena letsatsi lotlhe. Itumedise mowa wa motlhanka wa gago; gonne ke tsholeletsa mowa wa me kwa go wena, Morena. Gonne wena, Morena, o molemo le boitshwarelo; o bopelonomi jo bogolo mo go botlhe ba ba goelang kwa go wena. Morena, reetsa thapelo ya me, o tlhokomele lentswe la mekokotlelo ya me. Ke goela kwa go wena ka letsatsi la tlalelo ya me; gonne o a nkutlwa. Ga go ope mo medimong o o tshwanang nao, Morena; ga go na sepe se se tshwanang le ditiro tsa gago. Ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng di tla tla, di obamela fa pele ga gago, Morena, di tlotla leina la gago. Gonne wena o mogolo, o dira dikgakgamatso; wena o Modimo o le wesi fela. Morena, nthute tsela ya gago gore ke tsamae mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago. Morena, Modimo wa me, ke rata go go baka ka pelo yotlhe le go tlotla leina la gago ka bosenabokhutlo. Gonne bopelontle jwa gago bo bogolo mo go nna, o golotse mowa wa me mo felong ga baswi, fa go kwa tlasetlase. Modimo, baikgantshi ba ntsogetse; lekoko la ba ba peloethata le tsoma botshelo jwa me, mme ga ba go gopole. Mme wena Morena, o Modimo o o boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo; ga o fele pelo, o tletse bopelotlhomogi le boammaaruri. Retologela kwa go nna, o intshwarele; naya motlhanka wa gago thata ya gago, o thuse morwa lelata la gago. Dira sesupo sa molemo mo go nna gore ba ba ntlhoileng ba se bone, ba be ba tlhajwe ke ditlhong, ka wena Morena o nthusitse, o bile o nkgomoditse. Pesalome ya boora Kora. Sefela. Metheo e e mo dithabeng tse di boitshepo, Morena o a e rata. O rata dikgoro tsa Sione bogolo go maago otlhe a ga Jakobe. Dilo tse di galalelang di bolelwa ka ga gago, wena motse wa Modimo. Sela. Ke umaka Rahabe le Babele mo go ba ba nkitseng; le Felesita le Tiro mmogo le Khuše ke re: “Ba, ba tsaletswe teng.” Ka ga Sione go tla twe: “Mongwe le mongwe o tsaletswe teng.” Mme motse oo, Mogodimodimo o a o tlhomamisa. Morena o tla bala, fa a kwala ditšhaba, a re: “Yo, o tsaletswe teng.” Sela. Bona ba ba binang pina le ba ba opelang ba re: “Metswedi yotlhe ya me e mo go wena.” Sefela. Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Bolwetse”. Sefela sa thuto sa ga Hemane, oora Esera. Morena, Modimo wa thuso ya me, ke goela go wena bosigo le motshegare. A thapelo ya me e fitlhe fa go wena; sekegela selelo sa me tsebe. Gonne pelo ya me e tennwe ke dipogo; bophelo jwa me bo atametse felo ga baswi. Ke setse ke balelwa le ba ba fologelang mo lebitleng, ke tshwana le monna yo o se nang thata. Ke laditswe le baswi, jaaka ba ba bolailweng ba letse mo diphupung, ba o sa tlholeng o ba gopola, ka ba kgaogantswe le letsogo la gago. O mpeile kwa tlasetlase moleteng, mo mafifing, mo matennye. Bogale jwa gago bo nkimetse, o nkgateletse ka merwalela ya gago yotlhe. Sela. Ba ke itsanyeng sentle nabo o ba tlositse fa go nna; o ntirile seila sa bona; ke tswaletswe, ke palelwa ke go tswela kwa ntle. Leitlho la me le felelela ka pogo. Ke ntse ke go bitsa. Morena, ka letsatsi lengwe le lengwe ke go tsholeletsa mabogo. A o tla dira dikgakgamatso mo baswing; gongwe ba ba suleng a ba tla tsoga ba go baka? Sela. A bopelothomogi jwa gago bo ka bolelwa mo phupung, gongwe boikanyego jwa gago kwa Felong ga baswi? Dikgakgamatso tsa gago a di ka itsege mo lefifing, gongwe tshiamo ya gago mo lefatsheng la tebalo? Mme nna, Morena, ke goela go wena, thapelo ya me e tla go wena, e sa le moso. Morena, o latlhelang mowa wa me, o mphitlhelelang sefatlhego sa gago. Ke tlaletswe, ke wa go swa go tswa bokaung jwa me; ke rwele dipoitshego tsa gago, ke batla go tlhoboga. Bogale jwa gago bo nkwetse; dipoitshego tsa gago di nnyeleditse; di ntikanyeditse jaaka metsi letsatsi lotlhe, di ntikile gotlhegotlhe. O tlositse moratiwa le tsala fa go nna, lefifi ke lone tsala ya me. Sefela sa thuto sa ga Ethane, oora Esera. Ke tla opela bopelotlhomogi jwa Morena ka bosakhutleng; ke tla itsise losika longwe le longwe boikanyo jwa gago ka molomo wa me. Gonne o rile: “Bopelontle bo tla tlhomama ka bosakhutleng; boikanyo jwa me ke bo thaile kwa legodimong. Ke dirile kgolagano le moitlhaolelwi wa me, ke ikanetse Dafita, motlhanka wa me, ka re: ‘Ke tla tlhomamisa losika lwa gago go ya kwa go sa khutleng, ke agela ditshika tsotlhe sedulo sa gago sa bogosi.’ ” Sela. Magodimo a tla boka kgakgamatso ya gago, Morena, le boikanyo jwa gago bo bakwa mo phuthegong ya baitshepi. Gonne ke mang yo o lekanang le Morena kwa marung, yo o tshwanang le Morena mo go bomorwa Modimo? Modimo o boifega mo kopanong ya baitshepi; o mogolo, o bile o boitshega go feta botlhe ba ba o dikanyeditseng. Morena, Modimo wa masomosomo, ke mang yo o tshwanang nao? Morena, o thata, boikanyo jwa gago bo mo tikologong ya gago. Wena o laola boikgogomoso jwa lewatle; e re fa makhubu a lone a tsholetsega, wena o a didimatse. O tšhwetlakantse Rahabe jaaka yo o tlhabilweng; o phatlaladitse baba ba gago ka letsogo le le thata la gago. Magodimo ke a gago le lefatshe ke la gago; lefatshe le tse di tletseng mo go lone wena o di thaile tsotlhe. Bokone le borwa o di tlhodile; Thabore le Heremone di dudueletsa leina la gago. O na le letsogo la bonatla, seatla sa gago se thata, letsogo le le jang la gago le tsholetsegile. Tshiamo le molao ke motheo wa sedulo sa gago sa bogosi; bopelonomi le boammaaruri di etelela sefatlhego sa gago pele. Go sego morafe o o itseng go duduetsa, o o tsamayang mo leseding la sefatlhego sa gago, Morena. Ba ipelela leina la gago ka metlha, ba godisiwa ka tshiamo ya gago. Gonne wena o mokgabo wa thata ya bona, o tsholetsa lonaka lwa rona ka bopelonomi jwa gago. Gonne thebe ya rona ke ya Morena, kgosi ya rona ke ya Moitshepi wa Iseraele. Ka motlha oo, o ne wa bua le baitshepi ba gago ka pono wa re: “Ke neetse mogale thuso, ke godisitse yo o tlhaotsweng mo morafeng. Ke bonye Dafita, motlhanka wa me, ka mo tlotsa lookwane lwa me lo lo boitshepo, yo seatla sa me se tla nnang le ena ka gale, yo letsogo la me le tla mo tiisang. Mmaba ga a ka ke a mo tlhasela, le e seng rra-bosula go mo patika. Ke tla remaganya baganetsi ba gagwe fa pele ga gagwe, ke bolaya ba ba mo tlhoileng. Mme boikanyo jwa me le bopelonomi jwa me di tla nna nae, lonaka lwa gagwe lo tla tsholetsegela godimo ka leina la me. Ke baya seatla sa gagwe mo lewatleng, le letsogo la gagwe le le jang mo dinokeng. O tla nthaya a re: ‘Wena o rre, o Modimo wa me, o lefika la thuso ya me.’ Le gona ke tla mo dira motsalwapele le yo mogolo mo dikgosing tsa lefatshe. Ke tla mmolokela bopelotlhomogi jwa me ka bosakhutleng, mme kgolagano ya me e tla mo tlhomamela. Ke tla dira gore losika lwa gagwe e nne lo lo sa khutleng, le sebaka sa sedulo sa gagwe sa bogosi se lekane le malatsi a legodimo. Mme e tla re fa bomorwawe ba tlogela molao wa me, ba sa tsamae mo go tse di ntshiametseng, fa ba itshepolola ditaelo tsa me, ba sa tlhokomele ditao tsa me, ke ba beletse ditlolo tsa bona ka thupa le melato ya bona ka dipetso. Le fa go ntse jalo bopelotlhomogi jwa me ga nkitla ke bo tlosa mo go ene, le e seng go mo senyetsa boikanyo jwa me. Ga nke ke itshepolola kgolagano ya me, le e seng go fetola se se duleng mo molomong wa me. Ke ikanne gangwe fela ka boitshepo jwa me – ga ke ne ke aketsa Dafita! – Ka re: ‘Losika lwa gagwe lo tla nnela ruri, le sedulo sa gagwe sa bogosi jaaka letsatsi fa pele ga me. O tla tlhomama ka bosakhutleng jaaka ngwedi. Kana mosupi yo o mo legodimong o boikanyo.’ ” Sela. Mme wena o latlhile motlodiwa wa gago, wa mo nyatsa, wa mo galefela. O sentse kgolagano e o e dirileng le motlhanka wa gago, wa itshepolola serwalo sa gagwe sa bogosi ka go se latlhela fa fatshe. O thubile dipota tsotlhe tsa gagwe, dikago tsa phemelo tsa gagwe wa di ntsha marope. Botlhe ba ba neng ba feta ka tsela ba ne ba mo thukhutha dilo, a sotlega mo go ba ba agileng nae. O godisitse mabogo a a jang a baganetsi ba gagwe, wa itumedisa baba botlhe ba gagwe. O titinne bogale jwa tšhaka ya gagwe, wa se ka wa mo natlafatsa mo tlhabanong. O fifaditse kgalalelo ya gagwe, wa digela sedulo sa gagwe sa bogosi fa fatshe. O khutshwafaditse malatsi a bokau jwa gagwe, wa mo jesa ditlhong. Sela. Morena, o tla iphitlha goleele go le kae? A bogale jwa gago bo tla tuka jaaka molelo? Gopola tlhe gore bophelo ke eng? A batho botlhe o ba bopetse lefela? Motho ke mang yo o ka phelang, a sa bone loso, mme a golola mowa wa gagwe mo thateng ya felo ga baswi? Sela. Morena, mapelotlhomogi a gago a pele a kae, a o ikanetseng Dafita ka fa boikanyong jwa gago? Morena, gopola tshotlego ya badiredi ba gago e ke e rweleng ka sehuba sa me e tswa merafeng yotlhe e megolo, e baba ba gago, Morena, ba sotlileng ka yona, e ba sotlileng dikgato tsa motlodiwa wa gago ka yona. A Morena a bakwe ka bosakhutleng. Amen, ee, a go nne jalo! Thapelo ya ga Moše, monna wa Modimo. Morena, o ntse o le botshabelo jwa rona mo ditshikatshikeng. Pele dithaba di ise di tsalwe, o ise o tlhole lefatshe le lebopo, wena o ntse o le Modimo go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng. O busetsa batho loroleng lwa mmu wa re: “Boang, bana ba batho.” Gonne dinyaga di le sekete, mo matlhong a gago di tshwana le letsatsi le le fetileng la maabane, di tshwana le tiso ya bosigo. O ba gogotse jaaka ka morwalela; ba ntse jaaka ba robetse. Mo mosong ba nne jaaka bojang jo bo tlhogang, jo bo thunyang mo mosong, bo gole, mme maitsiboa bo segwe, bo omelele. Gonne re nyelela ka bogale jwa gago, re fediwa ka tshoganyetso ka kgakalo ya gago. O beile melato ya rona fa pele ga gago, le maleo a rona a a fitlhegileng o a beile mo leseding la sefatlhego sa gago. Gonne malatsi a rona otlhe a fetisiwa ke bogale jwa gago, dinyaga tsa rona di feta jaaka kgopolo. Bophelo jwa rona ke dinyaga di le masome a a supang, mme fa thata e le teng, bo ka nna dinyaga tse di masome a robedi; mme se segolo sa tsona ke tapisego le tshwenyego; gonne bo feta ka bonako, mme re fofela koo. Ke mang yo o lemogang bogolo jwa bogale jwa gago, le kgakalo ya gago, ka fa poitshegong ya gago? Re rute go bala malatsi a rona gore re tle re tlhalefe mo dipelong. Boa, Morena! Go tla nna goleele go le kae? O utlwele batlhanka ba gago botlhoko. Re kgorise ka bopelotlhomogi jwa gago e sa le ka moso, mme re tla duduetsa, re itumela ka malatsi otlhe a rona. Re fe boitumelo ka malatsi a a kana ka a o re watlhaileng ka ona le ka dinyaga tse di kana ka tse re bonyeng botlhoko mo go tsona. A tiro ya gago e bonalele batlhanka ba gago, le kgalalelo ya gago bana ba bona. A botsalano jwa Morena, Modimo wa rona, bo re okame. Tsweletsa tiro ya diatla tsa rona, ee, tiro ya diatla tsa rona o e tsweletse. Yo o ntseng mo tshireletsong ya Mogodimodimo, yo o leng mo moriting wa Mothatayotlhe, o tla raya Morena a re: “O botshabelo jwa me le kago ya phemelo ya me; o Modimo wa me o ke o ikanyang.” Gonne ke ena yo o tla go gololang mo serung sa mothaisa-nonyane le mo leroborobong le le bolayang. O tla go sireletsa ka diphuka tsa gagwe, ò femelega fa tlase ga tsona; boammaaruri jwa gagwe ke thebe le phemelo. Ga o na go boifa poitshego ya bosigo, le e seng motsu o o fofang motshegare, le e seng leroborobo le le tsamayang mo lefifing, le e seng kgogodi e e bolayang motshegare wa selebalo. Le fa go ka wa ba le sekete ka fa lotlhakoreng lwa gago, gongwe ba le dikete di le some ka fa letsogong le le jang la gago, wena ga go nke go go ama. O tla leba ka matlho fela, o bona baikepi ba bolawa ke se ba se jeleng. Gonne o rile: “Wena Morena o botshabelo jwa me.” O dirile Mogodimodimo phemelo ya gago. Ga o nke o welwa ke bosula bope, le boago jwa gago ga bo nke bo atamelwa ke sebetso. Gonne o tla go laelela baengele ba gagwe gore ba go boloke mo ditseleng tsotlhe tsa gago. Ba tla go kuka ka diatla gore dinao tsa gago di se kgopiwe ke lentswe. O tla gata tau le lebolobolo, o gataka ledumedi le kgogela. Ke tla mo pholosa, ka a nkgomaretse ka lorato, ke tla mo sireletsa, gonne o itse leina la me. E tla re a mpitsa, ke mo utlwe, ke nne nae mo tlalelong; ke tla mo namola, ke mo tlotla. Ke tla mo kgorisa bophelo jo boleele, ke mmontsha pholoso ya me. Pesalome. Sefela sa letsatsi la Sabata. Go monate go leboga Morena le go opelela leina la gago dipako, Mogodimodimo, go bolela bopelotlhomogi jwa gago mo mosong le boikanyo jwa gago bosigo, ka kwadi ya dithapo di le some le ka harepa le ka melodi ya segwana. Gonne wena Morena o intumedisitse ka go dira ga gago; ke duduetsa ditiro tsa diatla tsa gago. Ditiro tsa gago, Morena, di dikgolo jang! Dikakanyo tsa gago di botengteng. Seeleele ga se di lemoge, lesilo ga le di tlhaloganye. Fa baikepi ba gola sentle jaaka bojang, mme badirabosula botlhe ba kgaba jaaka dithunya, e a be e le gore ba nyelediwe ka bosakhutleng. Mme wena Morena o Mogodimodimo ka bosakhutleng. Gonne ruri, baba ba gago, Morena, ruri baba ba gago ba tla latlhega, basulatsi botlhe ba tla faladiwa. Lonaka lwa me o lo tsholetsa jaaka lwa nare, o ntloditse lookwane lo lošwa. Leitlho la me le tla leba baba ba me ka kgatlhego, ditsebe tsa me di tla utlwela tatlhego ya basenyi ba ba ntsogelang ka boitumelo. Mosiami o tla tlhoga jaaka mokolane a gole jaaka setlhare sa mosetere wa Lebanone; ba ba tlhomilweng mo Ntlong ya Morena ba tla tlhoga mo malapeng a Modimo wa rona. Ba tla nna ba ungwa le mo botsofeng; ba tla nona, ba nna banana, e le go bolela gore Morena ke wa nnete. Ke lefika la me; ga go tshiamololo epe mo go ena. Morena ke kgosi, o apere borena. Morena o apere, o itlamile ka bonatla. Lefatshe le lone o le thaile gore le se ka la tshikinyega. Sedulo sa gago sa bogosi se sa le se tlhomama bogologolo tala. Wena o ntse o le teng ka bosenatshimologo. Morena, dinoka di tsholeditse, dinoka di tsholeditse kgwaso ya tsona; dinoka di tsholetsa mosumo wa tsona. Morena mo bogodimong o thata go gaisa kgwaso ya metsi a magolo le dintelo tse dikgolo tsa lewatle. Ditshupo tsa gago di ikanyega gotlhe; Ntlo ya gago, Morena, e tshwanetswe ke boitshepo ka metlha yotlhe. Morena, Modimo wa pusoloso, Modimo wa pusoloso, iponatse! Nanoga, Moatlhodi wa lefatshe; busetsa baikgantshi ditiro tsa bona. Baikepi ba tla tsaya sebaka se se kana kang, Morena? Baikepi ba tla duduetsa goleele go le kae? Ba phoka lefulo, ba bua ka makgakga; badirabosula ba ikgantsha botlhe. Morena, ba šobotla batho ba gago, ba patika boswa jwa gago. Ba bolaya motlholagadi le moeng; ba gaila masiela, ba re: “Morena ga a nke a bona; Modimo wa ga Jakobe ga o nke o lemoga.” Lemogang, lona dieleele mo morafeng! Lona masilo, lo tla tlhalefa leng? A ena yo o tlhomileng tsebe ga a ka ke a utlwa? A ena yo o bopileng leitlho ga a ka ke a bona? A yo o layang ditšhaba ga a ka ke a di kgalemela, ena yo o rutang batho kitso? Morena o itse megopolo ya batho, fa e le ya lefela. Go sego motho yo wena, Morena, o mo watlhayang, o mo ruta molao wa gago gore o tle o mo nee tapologo mo malatsing a tlalelo, go tsamaya moikepi a epelwe lemena. Gonne Morena ga a nke a latlha batho ba gagwe; ga a nke a tlogela boswa jwa gagwe. Katlholo e tla boela mo tshiamong; botlhe ba ba dipelo di tlhamaletseng ba tla e latela. Ke mang yo o tla nkemelang mo basulatsing? Ke mang yo o tla mpuelelang mo go ba ba dirang bosula? Fa e ka bo e se Morena yo o nthusang, mowa wa me o ka bo o setse o le gaufi le felo ga tidimalo. E ne ya re fa ke re: “Lonao lwa me lo a theekela!” bopelotlhomogi jwa gago, Morena, bo ntshegetse. Mo bontsing jwa matshwenyego a a mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di itumedisa mowa wa me. A sedulo sa moatlhodi sa tshenyo se ka dumelana le wena, se se bopang bosula ka go sokamisa molao? Ba ikopanyetsa bophelo jwa mosiami, ba sekisa madi a a se nang molato. Mme Morena ke phemelo ya me; Modimo wa me e ntse e le lefika la botshabelo jwa me. O tla ba busolosetsa tshiamololo ya bona, a ba fedisa ka ntlha ya bosula jwa bona; Morena, Modimo wa rona, o tla ba nyeletsa. Tlayang a re dudueletseng Morena, re ipeleleng lefika la pholoso ya rona. A re tleng fa pele ga sefatlhego sa gagwe ka malebogo, re mo ipeleleng ka dikopelo tsa pako. Gonne Morena ke Modimo o mogolo, ke kgosi e kgolo, mmusi wa medimo yotlhe, yo mateng a lefatshe a leng mo seatleng sa gagwe, yo ditlhoa tsa dithaba e leng tsa gagwe; yo lewatle e leng la gagwe, o le tlhodile; le lefatshe le le omileng ke la gagwe, diatla tsa gagwe di le bopile. Tlayang a re obameleng, re iname, re khubame fa pele ga Morena, Mmopi wa rona. Gonne ke ene Modimo wa rona; rona re batho ba bofulo jwa gagwe le dinku tsa seatla sa gagwe. E kete lo ka bo lo utlwa lentswe la gagwe kajeno! “Se thatafatseng dipelo tsa lona jaaka kwa Meriba le ka letsatsi la Masa mo sekakeng, kwa borraalona ba nthaetseng teng, ba nteka, etswe ba bonye ditiro tsa me. Ke ne ka tenwa ke morafe oo dinyaga di le 40, ka bua ka re: ‘Batho ba, ke ba ba dipelo di timetseng, ga ba itse ditsela tsa me.’ Ke gona ka moo ke ikanneng mo bogaleng jwa me ka re: ‘Ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa me.’ ” Opelelang Morena sefela se sešwa; opelelang Morena, lona mafatshe otlhe! Opelelang Morena, lo bake leina la gagwe, utlwatsang pholoso ya gagwe ka letsatsi lengwe le lengwe! Bolelang kgalalelo ya gagwe mo merafeng le dikgakgamatso tsa gagwe mo bathong botlhe! Gonne Morena o mogolo, pako e kgolo e mo tshwanetse; o boitshega bogolo go medimo yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya merafe ga se ya sepe; mme Morena o dirile magodimo. Borena le kgalalelo di fa pele ga gagwe; thata le bontle di mo Felong ga gagwe ga Boitshepo. Ntshetsang Morena, lona ditso tsa merafe, ntshetsang Morena kgalalelo le thata! Ntshetsang Morena kgalalelo ya leina la gagwe, tlisang ditshupelo, lo tsene mo malapeng a gagwe! Obamelang Morena ka mokgabo o o boitshepo; roromang fa pele ga sefatlhego sa gagwe, lona mafatshe aotlhe! Buang mo merafeng lo re: “Morena ke kgosi; o thaile lefatshe gore le se tshikinyege; o tla atlhola batho ka tshiamo.” A magodimo a itumele, a lefatshe le duduetse, a lewatle le gwase le tse di tletseng mo go lone. A naga e ipele le tsotlhe tse di mo go yona; ke gona ditlhare tsotlhe tsa sekgwa di tla duduetsang fa pele ga Morena; gonne o e tla, o tsile go atlhola lefatshe; o tla atlhola lefatshe ka tshiamo le batho ka boammaaruri jwa gagwe. Morena ke kgosi; a lefatshe le duduetse; a ditlhakatlhake tse dintsi di itumele. Maru le lefifi di mo dikanyeditse; tshiamo le molao ke mothao wa sedulo sa gagwe sa bogosi. Molelo o mo eteletse pele; o nyeletsa baba ba gagwe tikologong. Dikgadima tsa gagwe di bonesa lefatshe; lefatshe le a di bona, e bile le a roroma. Dithaba di gakologa fa pele ga Morena jaaka mmotu wa dinotshe, fa pele ga Morena wa lefatshe lotlhe. Magodimo a bolela tshiamo ya gagwe le batho botlhe ba bona kgalalelo ya gagwe. A ba tlhajwe ke ditlhong botlhe ba ba direlang ditshwantsho, ba ba ipokang ka medimo e e seng yona. Medimo yotlhe e a mo obamela. Sione o a utlwa, o a itumela; bomorwadia Juta ba ipelela dikatlholo tsa gago, Morena. Gonne wena Morena o Mogodimodimo yo o okameng lefatshe lotlhe; o mogolo bogolo go medimo yotlhe. Ba lo ratang Morena, tlhoang bosula; o boloka mewa ya badumedi ba gagwe, o ba pholosa mo diatleng tsa baikepi. Lesedi le tlhabetse mosiami, le boitumelo bo bonaletse ba ba dipelo di thokgameng. Lona basiami, itumeleleng Morena, lo bake leina la gagwe le le boitshepo. Pesalome. Opelelang Morena sefela se sešwa; gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang. O fenya ka seatla se se jang, e bong ka letsogo la gagwe le le boitshepo. Morena o utlwaditse pholoso ya gagwe, a senolela matlho a ditšhaba tshiamo ya gagwe. O gopotse bopelontle jwa gagwe le boikanyo jwa gagwe mo Baiseraeleng; dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di bonye pholoso ya Modimo wa rona. Dudueletsang Morena, lona ba lefatshe lotlhe; ponyegang, lo ipele, lo opele. Opelelang Morena ka katara, ka katara le mantswe a kopelo. Duduetsang ka diphala le tumo ya dinaka fa pele ga Morena yo e leng kgosi. A lewatle le gwase le tse di tletseng mo go lone, le lefatshe le ba ba agileng mo go lone. A dinoka di ope diatla le dithaba di pate ka maipelo fa pele ga Morena. Gonne o e tla go atlhola lefatshe. O tla atlhola lefatshe ka tshiamo, le batho ka tshwanelo. Morena ke kgosi! A merafe e rorome. O ntse godimo ga boKerubime, a lefatshe le tshikinyege. Morena o mogolo mo Sione, o okame merafe yotlhe. A ba bake leina la gago le legolo la poitshego! Ke le le boitshepo. A ba bake le thata ya kgosi e e ratang tshiamo. Ke wena yo o tlhomamisitseng tse di tshwanetseng; tshiamo le molao o di dirisitse mo Jakobe. Godisang Morena, Modimo wa rona, lo ikobele fa pele ga sebeo sa dinao tsa gagwe; gonne ene o boitshepo. Moše le Arone e ne e le bangwe ba baperesiti ba gagwe, Samuele e le wa ba ba bitsang leina la gagwe. Ba ne ba goela Moreneng, mme a ba utlwa. O ne a bua nabo, a le mo pinagareng ya leru; ba ne ba boloka ditshupo tsa gagwe le molao o a neng a o ba neile. Wena Morena, Modimo wa rona, o ba utlwile; o ne o le Modimo o o boitshwarelo mo go bona, mme o busolosa ka fa ditirong tsa bona. Godisang Morena, Modimo wa rona, lo ikobele fa pele ga thaba ya gagwe e e boitshepo; gonne Morena, Modimo wa rona, o boitshepo. Pesalome ya tebogo. Dudueletsang Morena, lona mafatshe otlhe. Direlang Morena ka boitumelo; tlayang fa pele ga sefatlhego sa gagwe ka tuduetso. Lemogang gore Morena ke ena Modimo; ene o re dirile, mme re ba gagwe; re batho ba gagwe le dinku tse o di fudisang. Tsenang ka dikgoro tsa gagwe ka tebogo le mo malapeng a gagwe ka pako. Mo lebogeng, lo bake leina la gagwe. Gonne Morena o molemo; bopelontle jwa gagwe bo nnetse ruri le boikanyo jwa gagwe mo tshikatshikeng. Pesalome ya ga Dafita. Ke tla opela ka ga bopelonomi le tshiamo, ke opelela wena Morena. Ke tla tlhokomela tsamao e e thokgameng. O tla tla leng kwano go nna? Ke tla sepela ka pelo e e phepa mo lapeng la me. Ga nke ke lesa matlho a me go leba dilo tse di bosula. Ke tlhoile go dira ga baikepi; ga go nke go nkgomarela. Pelo e e sokameng e tshwanetse go tloga mo go nna; bosula ga ke rate go bo itse. Yo o sebang mongwe-ka-ene mo sephiring ke tla mo didimatsa. Yo o matlho a boikgodiso le pelo ya boikgogomoso ga nka ke ka mo itshokela. Matlho a me a tla leba baikanyegi ba lefatshe gore ba phele le nna. Ena yo o tsamayang mo tseleng e e thokgameng o tla ntirela. Yo o dirang ka tsietso ga a nke a nna mo teng ga ntlo ya me; yo o buang maaka ga a nke a ema fa pele ga matlho a me. Mo mosong mongwe le mongwe ke tla nyeletsa baikepi botlhe mo lefatsheng; mo motseng wa Morena ke bolaela ruri badiradibe botlhe. Thapelo ya motlalelwi, a itlhobogile, mme a tshololela selelo sa gagwe fa pele ga Morena. Morena, utlwa thapelo ya me; a go lelela thuso ga me go fitlhe kwa go wena! Se mphitlhele sefatlhego sa gago mo motlheng o ke leng mo pitlaganong ka ona; ntshekegele tsebe motlhang ke bitsang, o nkutlwe ka bonako. Gonne malatsi a me a nyelela jaaka musi; marapo a me a tuka molelo jaaka serumola. Pelo ya me e iteilwe, e swabile jaaka tlhaga, ka ba ka lebala go ja sejo sa ka. Marapo a me a kgomaretse nama ya me ka ntlha ya go duma ga me mo go thata. Ke tshwana le kokolofute a le mo sekakeng; ke ntse jaaka morubisi o o nnang mo matlotleng. Ga ke bone boroko; ke lela jaaka serobele se se sosi mo setlhoeng sa ntlo. Baba ba me ba tlhola ba nkgoba; ba ba nkgakaletseng ba hutsa ka leina la me. Gonne ke ja molora jaaka bogobe; seno sa me ke se tlhakanya le dikeledi ka ntlha ya kgalefo ya gago le kgakalo ya gago; gonne o ntsholeditse, wa ntatlhela fa fatshe. Malatsi a me a tshwana le moriti o moleele wa maitsiboa, ke swaba jaaka tlhaga. Mme wena, Morena, o tla nnela ruri, le segopotso sa gago se tla nna mo tshikatshikeng. Wena o tla nanoga, o utlwela Sione botlhoko; gonne ke nako ya go mo itshwarela; nako e e beilweng e tsile. Gonne batlhanka ba gago ba rata majwe a gagwe, ba utlwa botlhoko, ka a thubakilwe. Mme ditšhaba di tla boifa leina la gago, Morena, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di tla boifa kgalalelo ya gago. Gonne Morena o aga Sione, o bonwa mo kgalalelong ya gagwe. O retologetse thapelo ya yo o sa aparang; ga a nyatse dithapelo tsa bona. Dilo tse, a di kwalelwe losika lo lo tlang; a batho ba ba tla tlholegang ba boke Morena. Gonne o lebile kwa tlase a le kwa bogodimong jo bo boitshepo jwa gagwe; Morena o lebile lefatshe a le mo legodimong gore a utlwe diphegelo tsa bagolegwi, le gore a golole ba ba atlholetsweng loso gore ba bolele leina la Morena mo Sione le poko ya gagwe mo Jerusalema, fa merafe yotlhe e phuthega, le magosi go direla Morena. O koafaditse thata ya me mo tseleng, a khutshwafatsa malatsi a me. Mme ka re: “Modimo wa me, se ntlose mo gare ga malatsi a me; dinyaga tsa gago ke tsa tlhatlologano ya ditshika.” O sa le o thaya lefatshe bogologolo, wa dira magodimo ka diatla tsa gago. Tseo di tla nyelela, wena o tla sala; ee, di tla onala tsotlhe jaaka seaparo; o tla di ananya jaaka kobo; mme di tla nyelela. Mme wena o sa le ena, dinyaga tsa gago ga di nke di fela. Bana ba batlhanka ba gago ba tla aga, losika lwa bona lo tla tlhomama fa pele ga gago. Pesalome ya ga Dafita. Baka Morena, mowa wa me, le tsotlhe tse di mo teng ga me, bakang leina la gagwe le le boitshepo! Baka Morena, mowa wa me; se lebale sepe sa ditiro tse di molemo tsa gagwe! O itshwarela maleo a gago otlhe, o fodisa makoa a gago otlhe. O golola bophelo jwa gago mo tshenyegong, o go rwesa bopelotlhomogi le mautlwelo-botlhoko mo tlhogong. O go kgorisa tse di molemo gore o busediwe bokaung jaaka ntsu. Morena o direla botlhe tshiamo le katlholelo ba ba patikwang. O ne a itsise Moše ditsela tsa gagwe le Baiseraele ditiro tsa gagwe. Morena o kutlwelo-botlhoko le boitshwarelo; o bopelotelele, o bopelontle jo bogolo. Ga a nke a nna bogale ka metlha, le e seng go galefela ruri. Ga a re direla ka fa maleong a rona, le e seng go re busolosa ka fa ditshiamololong tsa rona. Gonne bopelotlhomogi jwa gagwe bo bogolo mo go ba ba mmoifang jaaka legodimo le okame lefatshe. O tlosetsa ditlolo tsa rona kgakala, jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi. Morena o utlwela ba ba mmoifang botlhoko, jaaka rra-bana a utlwela bana ba gagwe botlhoko. Gonne ena o itse popego ya rona, o gopola, fa re le lorole. Motho ena, malatsi a gagwe a tshwana le bojang; o thunya jaaka sethunya sa naga. Fa phefo e se fokile, ga se yo, mme felo ga sona ga go tlhole go se itse. Mme bopelotlhomogi jwa Morena bo mo go bona ba ba mmoifang, go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng, le tshiamo ya gagwe mo baneng ba bana, e leng ba ba bolokang kgolagano ya gagwe, ba ba gakologelwang ditaelo tsa gagwe gore ba di dirise. Morena o tlhomamisitse sedulo sa bogosi sa gagwe kwa magodimong; bogosi jwa gagwe bo busa ntlheng tsotlhe. Bakang Morena, lona baengele ba gagwe, lona dinatla tse di thata, ba lo dirafatsang lefoko la gagwe ka go utlwa lentswe la lefoko la gagwe. Bakang Morena, lona masomosomo otlhe a gagwe, lona badiredi ba gagwe, ba lo dirang ka fa thatong ya gagwe. Bakang Morena, lona ditiro tsotlhe tsa gagwe mo mafelong otlhe a puso ya gagwe; baka Morena, wena mowa wa me! Baka Morena, mowa wa me! Morena, Modimo wa me, o mogolo thata; o apere kgalalelo le borena. O ikapesa lesedi jaaka kobo, o phutholola legodimo jaaka lesela la tente. O aga maago a gago a bogodimo mo metsing, o ntsha maru koloi ya gago, o tsamaya ka diphuka tsa phefo. O dira diphefo barongwi ba gago le dikgabo tsa molelo badiredi ba gago. O beile lefatshe mo metheong ya lone gore le se ka la tshikinyega ka motlha ope go ya bosakhutleng. O no o le khurumeditse ka morwalela jaaka ka seaparo, metsi a ne a eme godimo ga dithaba, a tshaba kgalemo ya gago, a thibogela lentswe la tumo ya maru ya gago. Dithaba tsa tlhatloga, mekgatsha ya itshetlela; metsi a ya kwa felong fa o a laoletseng gona. O beile molelwane o a sa ka keng a o tlola gore a se boe a khurumetsa lefatshe gape. O eledisa metsi a metswedi mo melapong, a ba a ela fa gare ga dithaba. A nowa ke diphologolo tsotlhe tsa naga, dipitse tsa naga di itima lenyora. Dinonyane tsa legodimo di agile godimo ga ona, di letsa melodi mo dikaleng. O nosa dithaba metsi a a tswang maagong a bogodimo a gago; lefatshe le kgora maungo a ditiro tsa gago. O tlhogisetsa dikgomo bojang, le motho dimela go mo thusa le go ntsha dijo mo lefatsheng, le weine go itumedisa pelo ya motho, le lookwane go phatsimisa sefatlhego, le senkgwe go tiisa pelo ya motho. Ditlhare tsa Morena di a kgora, le mesetere ya Lebanone e o e tlhomileng, mo dinonyane di agang dintlhaga teng; le lekololwana sentlhaga sa lone se mo ditlhareng tsa mesiperese. Dithaba tse dikgolo ke botshabelo jwa diphele; jwa dipela ke mafika. O dirile ngwedi gore o supe dipaka; letsatsi le itse go phirima ga lone. Fa o tsisa lefifi, go nna bosigo, diphedi tsotlhe tsa sekgwa di tsamaya mo go jona. Ditawana di dumela se di ka se bolayang, di batla dijo tsa tsona mo Modimong. Fa letsatsi le tlhaba, di a boa, di ye go botha mo dikutleng tsa tsona. Motho a tswele kwa tirong ya gagwe le kwa matsapeng a gagwe go ya maitsiboeng. Ditiro tsa gago, Morena, kana di methalethale jang! O dirile tsotlhe ka botlhale; lefatshe le tletse ditlhodiwa tsa gago. Fa e le lewatle le legolo, le atlhametse ntlheng tsotlhe; go saila diphedi mo go lone tse di se nang palo, diphedi tse dinnye le tse dikgolo. Mekoro e tsamaya teng, le leruarua le o le bopileng gore le tshameke mo go lone. Tsotlhe di lebeletse wena gore o di fe dijo tsa tsona ka nako ya teng. Fa o di fa, di a sela; fa o huporolola seatla, di kgora tse di molemo; fa o bipa sefatlhego, di a tshoga; fa o tlosa mewa ya tsona, di a swa, di boela loroleng lwa tsona; fa o roma mowa wa gago, di a tlholega; o tlhabolola sefatlhego sa lefatshe. A kgalalelo ya Morena e nnele ruri; a Morena a itumelele ditiro tsa gagwe, ene yo e a reng a leba lefatshe, le rorome; e re a ama dithaba, di kue musi. Ke tla opelela Morena fa ke sa phedile; ke tla baka Modimo wa me ke sa le yo. A dikakanyo tsa me di o natefele; nna ke tla itumela mo go Morena. A baleofi ba nyelediwe mo lefatsheng; a baikepi ba se tlhole ba nna teng. Mowa wa me, baka Morena. Haleluya! Lebogang Morena, lo bitse leina la gagwe; lo itsise ditiro tsa gagwe mo merafeng! Mo opeleleng, lo mo leletse, lo bolele dikgakgamatso tsotlhe tsa gagwe! Belafalang ka leina la gagwe le le boitshepo; a go itumele dipelo tsa ba ba batlang Morena! Botsang ka ga Morena le ka ga thata ya gagwe; lo batle sefatlhego sa gagwe ka gale. Gopolang dikgakgamatso tsa gagwe tse a di dirileng, le ditshupo tsa gagwe le dikatlholo tsa molomo wa gagwe, lona losika lwa ga Aborahame, motlhanka wa gagwe; lona bomorwa Jakobe, baitlhaolelwi ba gagwe! Ena Morena ke Modimo wa rona; dikatlholo tsa gagwe di mo lefatsheng lotlhe. O gopola kgolagano ya gagwe ka gale, e bong lefoko le a le laetseng ditshika tse kete. Kgolagano e o e dirileng le Aborahame le ikano e o e ikanetseng Isaka, a e tlhomamisetsa Jakobe go nna molao le Iseraele go nna kgolagano e e sa khutleng, fa a re: “Wena ke tla go naya lefatshe la Kanana gore e nne kabelo ya boswa jwa lona,” jale fa palo ya bona e sa ntse e le nnye, mme e le ba se kae, e bile ba le baeng mo go lone, ba tlhatlologanya dinageng, ba tswa setšhabeng ba ya setšhabeng, ba tlogela bogosi bongwe, ba ya kwa morafeng o mongwe. A se ka a leseletsa motho ope go ba gatelela; le gona a betsa dikgosi ka ntlha ya bona a re: “Se ameng batlodiwa ba me, lo se direle baporofeti ba me bosula.” O kile a biletsa tlala mo lefatsheng, a senya tlamelo yotlhe ya dijo. A roma monna go ba etelela pele, e bong Josefa, a rekisiwa go nna motlhanka. Ba tsenya maoto a gagwe mo ditshiping, a ya go lala ka esi mo dikeetaneng go ya go dirafale lefoko la gagwe, lefoko la Morena le mo supe a le mo nneteng. Kgosi ya roma go mmofolola, mmusi wa merafe a mo golola. Ya mo dira morena wa ntlo ya yona le molaodi wa tsotlhe tse e nang natso gore a laole dikgosana tsa yona ka fa a ratang ka teng le go ruta bagolo ba yona botlhale. Ke fa Iseraele a ya kwa Egepeto; Jakobe a jaka mo lefatsheng la ga Hame. Mme Morena a atisa morafe wa gagwe segolo, a o thatafatsa bogolo go baba ba ona. O ne a ba tlhanola dipelo gore ba tlhoe morafe wa gagwe, ba direle batlhanka ba gagwe ka bolotsana. A roma Moše, motlhanka wa gagwe, le Arone yo o neng a mo itlhaoletse. Bao ba dira ditshupo tsa gagwe mo go bona, le dikgakgamatso mo lefatsheng la ga Hame. A romela lefifi, a fifatsa; mme ba tlhokomologa lefoko la gagwe. A fetola metsi a bona madi, a bolaya ditlhapi tsa bona. Lefatshe la bone la ba la tlalatlala digwagwa, le mo matlwaneng a dikgosi tsa bone. A laela, mme ga tla diboba le menang mo nageng yotlhe ya bone. A dira pula ya bone sefako, a romela melelo ya dikgadima mo lefatsheng la bone. A itaya meweine ya bone le mefeie ya bone, a robaka ditlhare tsa naga ya bone. A laela, mme ga tla tsie ya segongwane le molome e e se nang palo. Ya ja botala jotlhe mo lefatsheng la bone, ya laila maungo a masimo a bone. Le gona a itaya maitibolo otlhe mo lefatsheng la bone, e bong matsalwapele a thata yotlhe ya bone. Ke fa a ba hudusa ba tshotse selefera le gouta, go se masalela ape mo ditsong tsa gagwe. Baegepeto ba itumelela khudugo ya bone, gonne ba ne ba wetswe ke letshogo ka ntlha ya bone. O ne a phutholola leru go nna tshireletso le molelo go bonesa bosigo. E rile ba lopa, a tsisa maphurrwana, a ba kgorisa senkgwe sa legodimo. A phatlola lefika, metsi a phothometsega, a ela mo sekakeng jaaka noka. Gonne o ne a gopola lefoko la gagwe le le boitshepo, le Aborahame, motlhanka wa gagwe. A bolotsa morafe wa gagwe ka boitumelo le baitlhaolelwi ba gagwe ka tuduetso. A ba naya mafatshe a ditšhaba gore ba rue tse merafe e di phuthileng ka matsapa, e le gore ba dirise ditaelo tsa gagwe le go tlhokomela melao ya gagwe. Haleluya! Haleluya! Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Ke mang yo o ka bolelang ditiro tsa bonatla tsa Morena, a utlwatsa poko ya gagwe yotlhe? Go tlhogonolo ba ba tlhokomelang molao, ba ba dirang tse di siameng ka metlha yotlhe. Nkgopole, Morena, ka o kgatlhwa ke morafe wa gago; nketele ka thuso ya gago gore ke jese matlho ka go leba letlhogonolo la baitlhaolelwi ba gago, ke be ke thabele boitumelo jwa setšhaba sa gago le go belafala mmogo le boswa jwa gago. Re leofile mmogo le borraarona, ra siamolola, ra ikepa. Borraarona ba ne ba sa tlhokomele dikgakgamatso tsa gago, ba sa gopole bogolo jwa bopelotlhomogi jwa gago, mme ba rukhutlhegela Mogodimodimo kwa Lewatleng la Motlhaka. Mme o ne a ba thusa ka ntlha ya leina la gagwe gore a supe bonatla jwa gagwe. A kgalemela Lewatle la Motlhaka, la ba la kgala; a ba kgabagantsha merwalela jaaka e kete ke sekaka. A ba namolela mo seatleng sa yo o ba tlhoileng, a ba golola mo seatleng sa mmaba. Metsi a khurumetsa baganetsi ba bona, ga se ka ga sala ope wa bona. Ya baa gona ba dumelang mafoko a gagwe, ba opela pako ya gagwe. Mme ba akofa ba lebala ditiro tsa gagwe, ba se ka ba letela taelo ya gagwe. Ba tlala keletso mo sekakeng, ba raela Modimo kwa nageng e e senya. Ke fa a ba naya ka fa topong ya bona, mme a tsenya tlhorego mo meweng ya bona. Ba ne ba fufegela Moše mo bothibelelong le Arone, moitshepi wa Morena. Lefatshe la atlhama, la metsa Dathane, la khurumetsa setlhopha sa ga Abirame. Ga tuka molelo mo lekokong la bona, kgabo ya fisa baikepi. Ba ne ba dira namane kwa Horebe, ba obamela setshwantsho se se bopilweng. Ba ananya Kgalalelo ya bona ka setshwantsho sa kgomo e e fulang bojang. Ba lebala Modimo, mopholosi wa bona o o dirileng dilo tse dikgolo kwa Egepeto, tse di gakgamatsang kwa lefatsheng la ga Hame le tse di boitshegang fa Lewatleng la Motlhaka. Ke fa o re, o tla ba nyeletsa. Mme go ka bo go dirafetse jalo, fa Moše, moitlhaolelwi wa ona, a ka bo a se ka a ba emela fa pele ga ona, a tima bogale jwa ona gore o se ka wa ba senya. Ba bile ba nyatsa lefatshe le le eletsegang, ba se ka ba dumela lefoko la ona; ba ngongorega mo metlaaganeng ya bona, ba se ka ba utlwa Morena. Ke fa a ba tsholeletsa letsogo, a ikana gore o tla ba diga mo sekakeng, le go falaletsa losika lwa bona kwa ditšhabeng le go ba phatlalatsa mo mafatsheng. Ba ne ba ikgomaretsa mo go Baale-Pheore, ba ja tse di tlhabetsweng baswi, ba gakatsa Morena ka ditiro tsa bona, mme ba welwa ke petso. Ke fa Phinehase a nanoga, a tsereganya, mme petso ya khutlisiwa. Ke sona se a kailweng mosiami ka ntlha ya sona mo ditshikeng tsotlhe go ya go ile. Le gona ba mo gakatsa fa metsing a Meriba, Moše a ba a tlhagelwa ke molato ka ntlha ya bona. Gonne ba ne ba ganetsanya le Mowa wa ona, mo Moše a bileng a bua ka molomo se se sa mo tshwanelang. Ga ba a ka ba nyeletsa merafe e Morena a e ba kaetseng. Mme ba ne ba itlhakanya le baheitane, ba ithuta ditiro tsa bona. Ba direla medimo ya bona ya diseto e e tlogileng ya nna serai mo go bona. Ba tlhabela mewa e e bosula bomorwaa-bone le bomorwadia-bone. Ba tsholola madi a a se nang molato, – madi a bomorwaa-bone le bomorwadia-bone, ba ba tlhabela medimo ya diseto ya Bakanana; – lefatshe la itshepololwa jalo ka polao eo. Ba ikgotlela ka ditiro tsa bona, ba akafala ka go dira ga bona. Foo Morena a tukela morafe wa gagwe bogale, a tenwa ke boswa jwa gagwe. A ba neela mo diatleng tsa merafe ya baheitane, ba laolwa ke batlhoi ba bona. Baba ba bona ba ba gatelela, mme ba na le go ikoba fa tlase ga diatla tsa bona. O ne a ba thusa gantsi, mme bona ba mo rukhutlhegela ka maikaelelo a bona. Ba nyelela jalo ka molato wa bona. Le fa go ntse jalo o ne a ba tlhokomela mo pitlaganong ya bona, ka a utlwa dilelo tsa bona. A gopola kgolagano ya gagwe ka ntlha ya bona, a busa bogale, ka a na le bopelontle jo bogolo. A dira gore ba tlhomogelwe pelo ke botlhe ba ba ba isitseng botshwarong. Re thuse, Morena, Modimo wa rona, o re phuthe, o re golole mo baheitaneng gore re bake leina la gago le le boitshepo, re ipoke ka go go tlotla. A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng. A morafe otlhe o re: “Amen!” Haleluya! Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelontle jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. A ba ba golotsweng ke Morena ba bue jalo, ba o ba golotseng mo seatleng sa mopatiki, a ba phutha kwa mafatsheng, kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, kwa bokone le kwa lewatleng. Ba ba neng ba kgarakgatshega kwa sekakeng mo gare ga naga, ba sa bone tsela e e yang kwa motseng o ba ka agang mo go ona; ba tshwerwe ke tlala le lenyora, mewa ya bona e felelwa mo teng ga bona, mme ba goela Moreneng, ba le mo tlalelong, mme a ba golola mo dipitlaganong tsa bona, a ba tsamaisa mo tseleng e e leng yona gore ba fitlhe mo motseng o ba ka agang mo go ona: Bona bao a ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho, ka a kgalolositse mowa o o nyorilweng, a jesa mowa o o tshwerweng ke tlala tse di molemo. Ba ba neng ba dutse mo lefifing le mo moriting wa loso ba golegilwe ka tlalelo le tshipi, ka ba ne ba rukhutlhegetse mafoko a Modimo, ba nyatsa kgakololo ya Mogodimodimo; ba o neng a kokobetsa dipelo tsa bona ka tapisego, ba kgopiwa go se na mothusi; ya baa gona ba goelang Moreneng, ba le mo tlalelong, mme a ba golola mo dipitlaganong tsa bona; a ba ntsha mo lefifing le mo moriting wa loso, a kgaola dikgole tsa bona: A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho, ka a thubile ditswalo tsa kgotlho, a roba mephakarego ya tshipi. Ba e neng e le masilo ka ntlha ya tsamao ya bona mo ditlolong, ba bogisiwa ka ntlha ya melato ya bona, mo ba neng ba tenwa ke dijo tsotlhe, ba le gaufi le go swa; ya baa gona ba goelang Moreneng, ba le mo tlalelong, mme a ba golola mo dipitlaganong tsa bona; a romela lefoko la gagwe, a ba fodisa, a pholosa maphelo a bona mo mabitleng: A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho; a ba tsise ditlhabelo tsa tebogo, ba bolele ditiro tsa gagwe ka tuduetso. Ba ba neng ba tsamaya mo lewatleng ka dikepe, ba bapala mo metsing a magolo, ke bona ba ba bonyeng ditiro tsa Morena le dikgakgamatso tsa gagwe mo botennye. A laela, a fokisa phefo ya ledimo, la gogomosa dintelo tsa lewatle. Ba akgolelwa kwa godimo le kwa tlase, ba nyema moko mo tlalelong; ba ne ba theekela, ba kgokgweetsega jaaka letagwa, ba felelwa ke maano otlhe. Ba goela Moreneng, ba le mo tlalelong, mme a ba golola mo dipitlaganong tsa bona, a kokobetsa ledimo, la nna phefonyana fela, makhubu a lewatle a kokobela; mme ba itumelela go kokobela ga ona, mme a ba fitlhisa kwa bogorogelong jwa dikepe jo ba bo tlhologeletsweng: A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho; a ba mo godise mo phuthegong ya morafe, ba mmoke mo pitsong ya bagolo. Dinoka o di fetotse sekaka, le metswedi ya metsi a e dira naga e e omileng. Lefatshe le le bogale o le fetotse magalaopa ka ntlha ya boikepo jwa baagi ba lone. Sekaka o se fetotse letsha la metsi, le naga e e omileng a e dira metswedi ya metsi. Ba ba bolawang ke tlala a ba baya teng, mme ba aga motse o ba ka nnang mo go ona. Ba jwala masimo, ba tlhoma ditlhare tsa moweine, ba fula maungo, ba kotula. Mme a ba tshegofatsa, ba be ba ntsifala thata; diruiwa tsa bona a se ka a di fokotsa. Ba boela ba fokotsega, ba kokobediwa ke bokete jwa botlhoko le khutsafalo. Yo o goromeletsang nyatsego mo batlotleging, a ba kgarakgatsha sekakeng mo go se nang tsela; ene o ne a ntsha mohumanegi mo tlalelong, a mo godisa, a dira ditshika tse di tshwanang le difutshane ka bontsi. Moo go bona ba ba nang le nnete, ba itumela; boikepo jotlhe bo ithibile molomo. Yo o botlhale ke mang? A a tlhokomele dilo tse, a ele ditiro tsa bopelotlhomogi jwa Morena tlhoko. Sefela. Pesalome ya ga Dafita. Modimo, pelo ya me e etleetsegile; ke rata go opela le go letsa kwadi. Thanya, mowa wa me! Tsogang harepa le katara, ke rata go tsosa mahube. Morena, nte ke go leboge mo merafeng, ke go leletse mo ditšhabeng. Gonne bopelontle jwa gago bo bogolo go feta legodimo; boammaaruri jwa gago bo fitlha kwa marung. Modimo, itlhatlosetse kwa godimo ga magodimo; a kgalalelo ya gago e okame lefatshe lotlhe. Thusa ka letsogo le le jang la gago, o nkutlwe gore baratwa ba gago ba pholosiwe. Modimo o ne wa bua mo Felong-ga-Boitshepo ga ona wa re: “Ke tla ipela, ke kgaoganya Šegeme, ke lekanya mokgatsha wa Sukothe. Gileate ke wa me, le Manase ke wa me; Eferaime ke phemelo ya tlhogo ya me; Juta ke thobane ya me ya bogosi. Moabe ke mogopo o ke tlhapelang mo go ona; setlhako sa me ke se latlhela mo go Etomo, ke tla dudueletsa Felesita.” Ke mang yo o tla nkisang kwa motseng o o thata? Ke mang yo o tla nkgogelang kwa Etomo? A ga se wena, Modimo o o re latlhileng? Ee, Modimo, ga o bolole le mephato ya rona. Re direle thuso ya go phologa mo mmabeng; gonne thuso ya batho ga se ya sepe. Ka Modimo re tla dira ditiro tsa bonatla, mme ona o tla gataka baba ba rona. Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Modimo o ke o bakang, se didimale. Gonne ba nkatlhamoloseditse melomo ya boikepo le ya tsietso, ba bua le nna ka diteme tsa maaka. Ba ntikanyeditse ka mafoko a letlhoo, ba ntlhabantsha ka bomo. Lorato lwa me ba lo duela ka go ntlhabantsha, etswe nna ke nnetse go rapela. Ba ntebogile ka bosula boemong jwa molemo, le ka letlhoo boemong jwa lorato lwa me. Mo tsosetse moikepi go mo laola; a yo o mo sekisang a eme fa letsogong le le jang la gagwe. Fa a sekisiwa, a a tswe a bonywe molato; a thapelo ya gagwe e fetoge boleo. A malatsi a gagwe a ngotlege, tirelo ya gagwe e tsewe ke yo mongwe. A bana ba gagwe ba nne masiela le mosadi wa gagwe a nne motlholagadi. A bana ba gagwe ba kgarakgatshegele kwa le kwa, ba kope ba batle dijo, ba le kgakala le matlotla a bona. A yo o mo adimileng a lalele tsotlhe tse o nang natso; a baeng ba thukhuthe tse a di fufuletseng. A a se fitlhele ope yo o ka mo tlhomogelang pelo ka gope; a go se nne ope yo o utlwelang masiela a gagwe botlhoko. A bana ba gagwe ba nyelediwe, a leina la gagwe le phimolelwe ruri, e sa le mo losikeng lwa ntlha. Molato wa borraagwe a o gopolwe fa Moreneng, le boleo jwa ga mmaagwe a bo se phimolwe. A di nne fa pele ga Morena ka gale gore a nyeletse go gopolwa ga bona mo lefatsheng, ka a se ka a gopola go dira ka lorato, mme a bogisa motho wa tlalelo le wa khumanego, le yo o kaeleletsweng gore a mmolaele ruri. O ne a rata khutso, a e mo wele; o ne a sa rate tshegofatso, a e nne kgakala nae! O ne a apara khutso jaaka kobo, a e tsene mo teng ga gagwe jaaka metsi le mo marapong a gagwe jaaka lookwane. A e nne mo go ena jaaka seaparo se a se aparang le jaaka moitlamo o a itlamang ka ona ka gale. A tseo e nne tuelo ya baganetsi ba me e e tswang mo Moreneng, le ya bona ba ba buang bosula ka ga me. Mme wena, Morena, Mongwaka, ntirele ka ntlha ya leina la gago; a e re ka bopelonomi jwa gago bo le molemo, o nkgolole. Gonne ke tlaletswe, ke bile ke humanegile, pelo ya me e tlhabilwe mo teng ga me. Ke ikela jaaka moriti o o otlologang maitsiboa, ke tlhotlhorilwe jaaka tsie. Mangole a me a kgwetlhisiwa ka go itima dijo, nama ya me e otile, ga e tlodiwe setlolo. Ke bile ke dule yo o kgobiwang ke bona; e a re fa ba mpona, ba thukhuthe ditlhogo. A o ko o nthuse, Morena, Modimo wa me. A o ko o nkgolole ka fa bopelonoming jwa gago gore ba lemoge, fa tseo e le letsogo la gago, fa wena, Morena, o dirile jalo. Bona ba ka hutsa, mme wena o tshegofatse. A ba ba ntsogetseng ba tlhajwe ke ditlhong, mme a motlhanka wa gago a itumele. A baganetsi ba me ba apesiwe nyatsego, a ba iphuthe ka ditlhong tsa bona jaaka ka kobo. Ke tla leboga Morena gagolo ka molomo wa me ke tla mmoka mo bontsing jwa batho. Gonne o eme mo ntlheng ya le le jang la mohumanegi gore a mo golole mo go ba ba mo atlholang. Pesalome ya ga Dafita. Morena o ne a raya Morena wa me a re: “Dula fa letsogong la me le le jang go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.” Thobane-ya-bogosi ya thata ya gago, Morena o tla e otlolola a le mo go Sione a re: “Busa mo gare ga baba ba gago.” Ka letsatsi la pololo ya gago batho ba gago ba tla tla ka bopelotshweu, ba apere mekgabo ya boitshepo. Mophato wa makau o tla tla kwa go wena, jaaka monyo o tsalwa ke mahube. Morena o ikanne – mme ga a kitla a dirolola ikano – a re: “O Moperesiti ka bosakhutleng ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke.” Morena yo o fa letsogong le le jang la gago o tla thubakanya dikgosi ka letsatsi la bogale jwa gagwe. O tla atlhola mo ditšhabeng, go tlala direpa, a thubakanya tlhogo e e okameng lefatshe le legolo. O tla nwa mo nokaneng, a le mo tseleng, mme ka ntlha ya moo o tla tsholetsa tlhogo. Haleluya! Ke tla leboga Morena ka pelo yotlhe mo lekgotleng la ba ba nang le nnete le mo phuthegong ke re: Ditiro tsa Morena ke tse dikgolo, di tlhotlhomisiwa ke botlhe ba ba kgatlhwang ke tsona. Tiro ya gagwe ke borena le kgalalelo, tshiamo ya gagwe e emetse ruri. O dirile segopotso sa dikgakgamatso tsa gagwe. Morena o boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko. Ba ba mmoifang o ba file dijo, kgolagano ya gagwe o e gopola ka bosakhutleng. Thata ya ditiro tsa gagwe o e itsisitse batho ba gagwe ka go ba ruisa boswa jwa Baditšhaba. Ditiro tsa diatla tsa gagwe di boammaaruri le tshiamo, ditaelo tsa gagwe di ikanyega tsotlhe; di tlhomamiseditswe ruri le ka bosakhutleng, di tlhokomelwa ka boikanyo le ka nnete. Batho ba gagwe o ba rometse kgololo; o laetse kgolagano ya gagwe go nna e e sa khutleng; leina la gagwe le boitshepo, le a tshabega. Go boifa Morena ke tshimologo ya botlhale; mongwe le mongwe yo o dirang jalo o na le tlhaloganyo e e molemo. Poko ya gagwe e nnetse ruri. Haleluya! Go sego monna yo o boifang Morena, yo ditaolo tsa gagwe di mo kgatlhang segolo. Kokomana ya gagwe e tla nna le thata e kgolo mo lefatsheng; losika lwa ba ba nang le nnete lo tla tshegofala. Letlotlo le khumo di mo ntlong ya gagwe, tshiamo ya gagwe e nnela ruri. Mosiami o bonegela ba ba nang le nnete mo lefifing jaaka lesedi, a le boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko le tshiamo. Go sego monna yo o kutlwelo-botlhoko, a adimana; yo o dirang tsa gagwe ka tshiamo. Gonne ga a nke a theekela ka gope; mosiami o tla nna a gopolwa ka gale. Ga a nke a boifisiwa ke polelo e e bosula; o iteile pelo ka lentswe ka go ikanya Morena. Pelo ya gagwe e tlhomame, ga a nke a boifa sepe go ya a be a lebe baba ba gagwe ka kgatlhego. O gasagasetsa, batlhoki a ba fe. Tshiamo ya gagwe e nnetse ruri; lonaka lwa gagwe lo godisiwa ka tlotlo. Fa moikepi a bona jalo, o a ngala, a phuranye meno, a swabe. Keletso ya moikepi e a nyelela. Haleluya! Bakang, lona batlhanka ba Morena, bakang leina la Morena! A leina la Morena le bakwe jaanong le ka bosakhutleng! A leina la Morena le bakwe go tswa kwa botlhabatsatsi go ya kwa bophirimatsatsi! Morena o okame ditšhaba tsotlhe, kgalalelo ya gagwe e kwa godimo ga magodimo. Ke mang yo o tshwanang le Morena, Modimo wa rona, yo o agileng kwa godimo, yo o lebelang legodimo le lefatshe kwa tlase? O tsosa yo mmotlana mo leroleng, a nanose mohumanegi mo thotobolong gore a mmee fa batlotleging, fa batlotleging ba morafe wa gagwe; o agisa moopa mo ntlong go nna mma-bana yo o itumelang. Haleluya! E rile Iseraele a huduga kwa Egepeto, le ba lapa la ga Jakobe mo morafeng wa puo e sele, Juta a nna felo ga boitshepo ga gagwe, le Iseraele ga puso ya gagwe. Lewatle le bonye jalo, la tshaba; Joretane a boa ka morago. Dithaba di ne tsa ja mokaragana jaaka diphelehu le makgabana jaaka dikwana. Ke eng, wena lewatle, fa o tshaba, le wena Joretane, fa o kata ka morago? Ke eng lona dithaba, fa lo ja mokaragana jaaka diphelehu, le lona makgabana, fa lo etsa dikwana? Wena lefatshe, roroma fa pele ga Morena, fa pele ga Modimo wa ga Jakobe, o o fetotseng lefika letsha la metsi le legakwa motswedi wa metsi. Se nee rona, Morena, se nee rona, mme o nee leina la gago kgalalelo ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gago le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago. Baditšhaba ba tla buelang ba re: “Kana Modimo wa bona o kae?” Athe Modimo wa rona o mo legodimong, o dira tsotlhe tse o ratang go di dira. Medimo ya bona ya diseto ke selefera le gouta, ke tiro ya diatla tsa batho. E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone; e na le ditsebe, mme ga e utlwe; e na le dinko, mme ga e dupe; e na le diatla, mme ga e tshware; e na le dinao, mme ga e tsamae; le gona ga e ntshe mosumo ope ka memetso ya yona. Badiri ba yona ba tla nna fela jaaka yona, le mongwe le mongwe yo o e ikantseng. A Baiseraele ba ikanye Morena; ke ena thuso le thebe ya bona. A ba ntlo ya ga Arone ba ikanye Morena; ke ena thuso le thebe ya bona. A ba ba boifang Morena ba ikanye Morena; ke ena thuso le thebe ya bona. Morena o re gopotse, o tla tshegofatsa; o tla tshegofatsa Baiseraele, a tshegofatsa ba lapa la ga Arone. O tla tshegofatsa ba ba boifang Morena, bannye le bagolo. Morena o tla lo atisa, lona le bana ba lona. Lo tshegofaditswe ke Morena yo o dirileng legodimo le lefatshe. Legodimo ke legodimo la Morena, mme lefatshe lone o le neile bana ba batho. Baswi ga ba boke Morena, le e seng ope wa bona ba ba fologelang kwa tidimalong, mme rona re baka Morena jaanong le ka bosakhutleng. Haleluya! Morena ke a mo rata, gonne o utlwile lentswe la me la mekokotlelo ya me. E re ka a ntshekegetse tsebe, ke tla nna ke mmitsa ka malatsi otlhe a me. Dikgole tsa loso di ne di ntikanyeditse, le ditlalelo tsa felo ga baswi di ne di ntshwere, ka fitlhela pitlagano le bohutsana. Mme ke ne ka bitsa leina la Morena ka re: “Ao, Morena, swatola botshelo jwa me!” Morena o boitshwarelo le tshiamo, Modimo wa rona o boutlwelo-botlhoko. Morena o boloka ba ba pelo di se nang maano. Ke ne ke koafetse, mme a nthusa. Mowa wa me, boela kwa boikhutsong jwa gago; gonne Morena o go diretse molemo. Ee, o nkgolotse mo losong le matlho a me mo dikeleding le dinao tsa me mo go kgotšweng. Ke tla tsamaya fa pele ga sefatlhego sa Morena mo lefatsheng la baphedi. Ke ne ke ntse ke dumela mo Modimong, le fa ke ne ke re: “Ke obegile thata.” Ka bua ke tshogile ka re: “Batho botlhe ke baaki.” Nka lebogela Morena ka eng ditiro tsotlhe tse di molemo tse a di ntiretseng? Ke tla tsholetsa senwelo sa phologo, ke bitsa leina la Morena. Maikano a me ke tla a dirafaletsa Morena, ee, fa pele ga morafe otlhe wa gagwe. Loso lwa baratwa ba Morena ke selo sa botlhokwa mo matlhong a gagwe. Ao, Morena, kana ke motlhanka wa gago; ke motlhanka wa gago, morwa lelata la gago; o funolotse dikgole tsa me. Ke tla go tsisetsa setlhabelo sa tebogo, ke bitsa leina la Morena. Maikano a me ke tla a dirafaletsa Morena, ee, fa pele ga morafe otlhe wa gagwe, mo malapeng a Ntlo ya Morena, mo teng ga gago, Jerusalema. Haleluya! Bakang Morena, lona ditšhaba tsotlhe; mo galaletseng, lona merafe yotlhe! Gonne bopelontle jwa gagwe bo bogolo thata mo go rona, mme boammaaruri jwa Morena ke jo bo sa khutleng. Haleluya! Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. A Iseraele a bue a re: “Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.” A boora Arone ba bue ba re: “Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.” A ba ba boifang Morena ba bue ba re: “Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.” Ke ne ka bitsa Morena ke le mo pitlaganong; Morena a nkaraba, a mpaya mo go atlhameng. Morena o ntlheng ya me, ga nkitla ke boifa; kana motho a ka ntirang? Morena o ntlheng ya me, ke mothusi wa me; mme nna ba ba ntlhoileng ke tla ba tlhaetsa matlho. Go nna mo tshireletsong ya Morena go gaisa go ikanya batho. Go nna mo tshireletsong ya Morena go gaisa go ikanya batlotlegi. Baheitane botlhe ba ne ba ntsentse gare; mme ke ba remagantse ka leina la Morena. Ba ne ba mpotile ntlheng tsotlhe; ee, ba ntikanyeditse; mme ke ba remagantse ka leina la Morena. Ba ne ba ntikanyeditse jaaka dintsi tsa dinotshe, ba tuka jaaka molelo wa mitlwa; mme ke ba remagantse ka leina la Morena. Ke ne ka kgaramediwa thata gore ke we, mme Morena a nthusa. Morena ke thata ya me le sefela sa me sa pako, o diregile pholoso ya me. Lentswe la tuduetso le la pholoso le mo matlong a basiami. “Letsogo la Morena le le jang le dira ditiro tsa bonatla. Letsogo la Morena le le jang le a godisa; letsogo la Morena le le jang le dira ditiro tsa bonatla.” Ga ke ne ke swa, mme ke tla phela, ke bolela ditiro tsa Morena. Morena o nkwatlhaile segolo, mme ga a ka a nneela mo losong. Mpuleleng dikgoro tsa tshiamo, ke tle ke tsene ka tsona, ke leboge Morena. Kgoro ya Morena ke e; basiami ba tla tsena ka yona. Ke tla go leboga, ka gonne o nkutlwile, wa nna pholoso ya me. Lentswe le le latlhilweng ke baagi le diregile letlapa la sekhutlo. Se ke se se dirilweng ke Morena; mme ke kgakgamatso mo matlhong a rona. Letsatsi le, ke le le dirilweng ke Morena; a re ipeleng, re itumele ka lone. Ao Morena, a ko o thuse! Ao Morena, a ko o tsweletse pele! A go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; re lo tshegofatsa, re le mo Ntlong ya Morena. Morena ke Modimo, mme o re neile lesedi. Bofang seruiwa sa tlhabelo ya moletlo ka dikgole gore se fitlhe fa dinakeng tsa aletare. O Modimo wa me, ke tla go baka; o Modimo wa me, ke tla go godisa. Lebogang Morena, gonne o molemo; le bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Go sego bona ba ditsela tsa bona di itekanetseng, ba ba tsamayang ka fa molaong wa Morena. Go sego ba ba tlhokomelang ditshupo tsa gagwe, ba ba mmatlang ka pelo yotlhe, ee, bona ba ba sa direng tshiamololo, mme ba tsamaya mo ditseleng tsa gagwe. Ditaolo tsa gago o di ntshitse gore di tlhokomelwe ruri. E kete ditsela tsa me di ka bo di tlhomame go tlhokomela melao ya gago. Foo nka bo ke sa tlhajwe ke ditlhong, fa nka bo ke tlhokomela ditaelo tsa gago tsotlhe. Ke tla go leboga ka boammaaruri jwa pelo, fa ke ithuta dithulaganyo tse di siameng tsa gago. Melao ya gago ke tla e ela tlhoko. A o ko o se ka wa ntlogelela ruri. Lekau le ka boloka bophepa jwa tsela ya lone jang? Ka go e lebanya le Lefoko la gago. Ke go batla ka pelo yotlhe; se ntese ka fapoga ditaelo tsa gago. Ke bolokile Lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ka ka go leofela. A go bakwe wena, Morena, nthuta melao ya gago. Ditao tsotlhe tsa molomo wa gago ke di boletse ka molomo. Ke itumelela tsela ya ditshupo tsa gago bogolo go mefutafuta ya dikhumo. Ke tla akanya ditaolo tsa gago ke ele ditselana tsa gago tlhoko. Ke tla natefelwa ke melao ya gago, ga nkitla ke lebala Lefoko la gago. Ntirele molemo ke le motlhanka wa gago gore ke phele, ke tle ke boloke Lefoko la gago. Mpudulola matlho gore ke itse go bona dikgakgamatso mo molaong wa gago. Ke moeng mo lefatsheng; o se ka wa mphitlhela ditaelo tsa gago. Mowa wa me o nyoretswe ditao tsa gago ka gale. O bôpetse baikgogomosi, ba ba hutsitsweng ba ba fapogang ditaelo tsa gago. Pitikolola kgobo le nyatsego mo go nna; gonne ke tshegeditse ditshupo tsa gago. Le fa dikgosi di nnetse go ntogela maano, motlhanka wa gago ena o akanya melao ya gago. Ee, ditshupo tsa gago di monate mo go nna, di a nkgakolola. Mowa wa me o kgomaretse lorole. A o ko o mphedise ka fa Lefokong la gago. Ke boletse ditsela tsa me, mme wa nkutlwa. A o ko o nthute melao ya gago. Ntlhaloganyetse tsela ya ditaolo tsa gago, mme ke tla akanya dikgakgamatso tsa gago. Mowa wa me o ntsha dikeledi ka ntlha ya bohutsana, nnamolola ka fa Lefokong la gago. Tsela ya maaka e beele kgakala le nna, o ntlhogonolofatse ka molao wa gago. Tsela ya boammaaruri ke yona ke e itlhophetseng, ka baya ditao tsa gago fa pele ga me. Ke ngaparetse ditshupo tsa gago, Morena, a ke se tlhajwe ke ditlhong. Ke taboga mo tseleng ya ditaelo tsa gago; gonne o oketsa pelo ya me. Morena, nthute tsela ya melao ya gago, mme ke tla e tseela ruri go ya bokhutlong. Nnaya tlhaloganyo, ke tle ke boloke molao wa gago, ke o tlhokomele ka pelo yotlhe. Ntsamaise mo tseleng ya ditaelo tsa gago; gonne e a nkgatlha. Sekegela pelo ya me kwa ditshupong tsa gago, mme e seng kwa boikhumisong. Faposa matlho a me gore a se ka a leba tsa boithamako, o mphedise mo ditseleng tsa gago. Dirafaletsa motlhanka wa gago tsholofetso ya gago e e lebanyeng ba ba go boifang. Tlosa mo go nna kgobo e ke e tshabang; gonne dikatlholo tsa gago di siame. Ruri ke tlhologeletswe ditaolo tsa gago. Mphedise ka tshiamo ya gago. A mapelotlhomogi a gago a ntirafalele, Morena, e bong pholoso ya gago ka fa Lefokong la gago, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang; gonne ke ikanya Lefoko la gago. Mme Lefoko la nnete o se ka wa le tlosetsa ruri mo molomong wa me; gonne ke lebeletse dikatlholo tsa gago. Foo ke tla nna ke tlhokomela molao wa gago ka gale le ka bosakhutleng. Ke rata go sepela fa go atlhameng; gonne ke batla ditaolo tsa gago. Ke tla bua ka ga ditshupo tsa gago fa pele ga dikgosi, ke sa tlhajwe ke ditlhong. Ke natefelwa ke ditaelo tsa gago tse ke di ratang. Ke tla tsholeletsa mabogo kwa ditaelong tsa gago tse ke di ratang, ke akanya melao ya gago. Gopola Lefoko le o le buileng le motlhanka wa gago, wa re ke se le lebale. Ke yona kgomotso ya me mo pogisegong ya me, fa tsholofetso ya gago e mphedisa. Baikgogomosi ba ntshotlile thata; mme ga ke a ka ka fapoga molao wa gago. Ke ne ka gakologelwa dikatlholo tsa gago tsa bogologolo, Morena, ka ikgomotsa. Ke ne ka tuka bogale ka ntlha ya baikepi ba ba tlogelang molao wa gago. Melao ya gago e mphetogetse difela mo ntlong ya me ya boeng. Ke lala ke gakologelwa leina la gago, Morena, ke tlhokomela molao wa gago. Ga nna kabelo ya me, ka ke tlhokometse ditaolo tsa gago. Morena ke kabelo ya me; ke rile, ke tla tlhokomela mafoko a gago. Ke ne ke lelela sefatlhegong sa gago ka pelo yotlhe; ntlhomogele pelo ka fa tsholofetsong ya gago. Ke akantse metsamao ya me, ka busetsa dinao tsa me kwa ditshupong tsa gago. Ka itlhaganela, ka se ka ka diega go tlhokomela ditaelo tsa gago. Megala ya baikepi e ntharile; mme ga ke a ka ka lebala molao wa gago. Ke tsoga gare ga bosigo go go galaletsa ka ntlha ya dikatlholo tse di siameng tsa gago. Ke monkane wa botlhe ba ba go boifang, le wa bona ba ba tlhokomelang ditaolo tsa gago. Morena, lefatshe le tletse bopelonomi jwa gago. Nthute melao ya gago. Morena, o diretse motlhanka wa gago molemo ka fa Lefokong la gago. Nthute bopelotheri le kutlwisiso le kitso, gonne ke dumela ditaelo tsa gago. E rile ke ise ke kokobediwe, ka timela; mme jaanong ke tlhokometse polelo ya gago. O molemo, o bile o dira molemo; nthute melao ya gago. Baikgogomosi ba mpharile ka maaka; mme nna ke tlhokomela ditaolo tsa gago ka pelo yotlhe. Dipelo tsa bona di nonne, ga di utlwe sepe; mme nna ke kgatlhwa ke molao wa gago. Go ne go le molemo mo go nna go kokobediwa gore ke ithute melao ya gago. Molao wa molomo wa gago, mo go nna o gaisa dikete tsa gouta le selefera. Diatla tsa gago di mpopile tsa mpaakanya. Ntlhalefise gore ke ithute ditaelo tsa gago. Ba ba go boifang ba a mpona, ba a itumela, ka ke lebeletse Lefoko la gago. Morena, ke a itse, fa dikatlholo tsa gago di siame, mme o nkwatlhaile ka boikanyo. Tswetswe a bopelontle jwa gago bo nkgomotse, ka fa o solofeditseng motlhanka wa gago ka teng. A mautlwelo-botlhoko a gago a mpharafare gore ke phele gonne molao wa gago ke boitumelo jwa me. A baikgogomosi ba tlhajwe ke ditlhong, ka ba ntshiamololetse ba se na lebaka; mme nna ke tla akanya ditaolo tsa gago. A bona ba ba go boifang ba boele kwa go nna, le bona ba ba itseng ditshupo tsa gago. A pelo ya me e nne mo melaong ya gago, e itekanetse, gore ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong. Mowa wa me o nyoretswe pholoso ya gago; ke lebeletse Lefoko la gago. Matlho a me a tlhoafaletse polelo ya gago a re: “O tla nkgomotsa leng?” Gonne le fa ke ntse jaaka lekuka mo musing, ga ke a ka ka lebala melao ya gago. Malatsi a motlhanka wa gago a kae? Ba ba ntlhomereng o tla ba atlhola leng? Baikgantshi ba nkepetse mamena, ba ba seng ka fa molaong wa gago. Ditaelo tsotlhe tsa gago di boammaaruri. Ba mpogisa ka bomo; nthuse. Ba batlile go nnyeletsa mo lefatsheng; mme nna ga ke a ka ka tlogela ditaolo tsa gago. A o ko o mphedise ka fa bopelonoming jwa gago gore ke tlhokomele tshupo ya molomo wa gago. Morena, Lefoko la gago le eme ka tlhomamo mo legodimong ka bosakhutleng. Boikanyego jwa gago ke jwa losika longwe le longwe; o tlhomamisitse lefatshe, mme le ntse le eme. Le kajeno di sa ntse di eme ka fa dithulaganyong tsa gago; gonne dilo tsotlhe di a go direla. Fa molao wa gago e ka bo e ne e se boitumelo jwa me, foo nka bo ke latlhegile mo tlhorisegong ya me. Ga nkitla ke lebala ditaolo tsa gago ka gope; gonne o mphedisitse ka tsona. Ke wa gago, nthuse; gonne ke batla ditaolo tsa gago. Baikepi ba ntaletse go nnyeletsa. Ditshupo tsa gago ke a di tlhokomela. Ke bonye bokhutlo jwa tsotlhe tse di itekanetseng, mme taelo ya gago ga e na mafelelo. Molao wa gago ke o rata thata jang! Ke o akanya letsatsi lotlhe. Taelo ya gago e ntlhalefisa go gaisa baba ba me; gonne ke ya me ka bosakhutleng. Ke tlhalefile go gaisa baruti ba me botlhe; gonne ditshupo tsa gago ke tsona tse ke di akanyang. Ke phala bagolo ka tlhaloganyo; gonne ke tlhokometse ditaolo tsa gago. Ke thibile dinao tsa me mo tseleng nngwe le nngwe e e bosula gore ke tlhokomele Lefoko la gago. Ga ke a ka ka fapoga ditao tsa gago; gonne o nthutile. Ditsholofetso tsa gago di monate jang mo magalapeng a me; di botshe go gaisa mafura a dinotshe mo molomong wa me! Ke bona tlhaloganyo ka ditaolo tsa gago; ke ka ntlha ya moo ke tlhoileng tsela nngwe le nngwe ya maaka. Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me. Ke ikanne, ka ba ka dirafatsa go tlhokomela dithulaganyo tse di siameng tsa gago. Ke obegile thata. Morena, mphedise ka fa Lefokong la gago. Morena, a o ko o natefelwe ke tse molomo wa me o di go ntshetsang ka bopelotshweu, mme o nthute tse di ntshwanetseng. Bophelo jwa me bo mo dipharagobeng ka gale; mme molao wa gago ona ga ke a ka ka o lebala. Baikepi ba nthaisitse ka serai; mme ga ke a ka ka fapoga ditaolo tsa gago. Ditshupo tsa gago ke boswa jwa me ka bosakhutleng; gonne tsona ke boitumelo jwa pelo ya me. Pelo ya me e palelela mo go diriseng melao ya gago ka gale go ya bosakhutleng. Ba ba pelo-pedi ke ba tlhoile, mme molao wa gago ona ke a o rata. O tshireletso ya me le thebe ya me; ke lebeletse Lefoko la gago. Tlogang fa go nna, basulafatsi ke lona, gore ke tlhokomele ditaelo tsa Modimo wa me. Ntshegetsa ka fa tsholofetsong ya gago gore ke phele; se ntlhabise ditlhong ka ntlha ya tsholofelo ya me. Ntshegetsa gore ke phologe, mme ke tla itumelela melao ya gago ka gale. Botlhe ba ba fapogang melao ya gago o a ba latlha; gonne tsietso ya bona ke maaka fela. Baikepi botlhe ba lefatshe o ba kokola jaaka manyela; ke ka moo ke ratang ditshupo tsa gago. Mmele wa me o roromisiwa ke go go tshaba; ke boifa dikatlholo tsa gago. Ke dirile ka molao le tshiamo. O se ka wa ntlogelela bapatiki ba me. Emela motlhanka wa gago gore a phele sentle; a ba ba matepe ba se nkgatelele. Matlho a me a eleditse pholoso ya gago le tsholofetso e e siameng ya gago. Direla motlhanka wa gago ka fa bopelonoming jwa gago, o nthute melao ya gago. Ke motlhanka wa gago; ntlhalefise gore ke lemoge ditshupo tsa gago. Ke nako ya Morena ya go itshupa ka tiro; ba robagantse molao wa gago. Ke ka ntlha ya moo ke ratang ditaelo tsa gago go feta gouta le gouta e e sa pekwang. Ke ka ntlha ya moo ke kayang ditaolo tsotlhe tsa gago tshiamo; mme ke tlhoile tsela nngwe le nngwe ya maaka. Ditshupo tsa gago di a gakgamatsa; ke ka ntlha ya moo, fa mowa wa me o di boloka. Tlhaloso ya mafoko a gago e a sedimosa, e tlhalefisa ba ba se nang kitso. Ke kopolola molomo, ke kgalegile; gonne ke tlhologeletswe ditaelo tsa gago. Retologela kwa go nna, o ntlhomogele pelo jaaka go tshwanetse ba ba ratang leina la gago. Tiisa dikgato tsa me, ke tle ke sepele ka fa Lefokong la gago; mme a ke se laolwe ke boikepo bope. Nkgolole mo patikong ya batho, ke tle ke ele ditaolo tsa gago tlhoko. Phatsimisetsa motlhanka wa gago sefatlhego sa gago, o nthute melao ya gago. Matlho a me a ela dinokana tsa metsi, ka ba sa dirise molao wa gago. O tshiamo, Morena, le dikatlholo tsa gago ke tsa nnete. O laetse ditshupo tsa gago ka tshiamo le ka boikanyego jo bogolo. Ke jelwe ke tlhoafalo ya me, ka baganetsi ba me ba lebetse mafoko a gago. Lefoko la gago le itshekile thata; mme motlhanka wa gago o a le rata. Ke monnye, ke bile ke a nyatsega; mme ditaolo tsa gago ga ke di lebale. Tshiamo ya gago ke tshiamo e e sa khutleng, molao wa gago ke boammaaruri. Tlalelo le pitlaganyo di nkwetse, mme ditaelo tsa gago di njesa monate. Ditshupo tsa gago ke tsa tshiamo ka bosakhutleng. Ntlhalefise gore ke phele. Ke rapetse ka pelo yotlhe ka re: Nkutlwe, Morena; ke tla tlhokomela melao ya gago. Ke goetse go wena ka re: Nthusa mme ke tla ela ditshupo tsa gago tlhoko. Ke rakile mahube a moso, ka goela thuso; ke lebeletse mafoko a gago. Matlho a me a rakile nako ya ditiso tsa bosigo gore ke akanye polelo ya gago. Utlwa lentswe la me ka fa bopelonoming jwa gago; Morena, mphedise ka fa tshiamisong ya gago. Ba ba ntlhomereng ka bolotsana ba atametse, bona ba ba kgakala le molao wa gago. Wena, Morena, o gaufi, ditaelo tsa gago tsotlhe ke tsa boammaaruri. Ga ke bolo go itse ka ditshupo tsa gago gore o di tlhomamiseditse go ya bosakhutleng. Leba tlhorisego ya me, o nthuse; gonne ga ke lebale molao wa gago. Nkemele mo tshekong ya me, o nkgolole, o mphedise ka fa tsholofetsong ya gago. Pholoso e kgakala le baikepi; gonne ga ba batle melao ya gago. Morena, mautlwelo-botlhoko a gago a magolo. Mphedise ka fa ditshiamisong tsa gago. Ba ba ntlhomereng le baganetsi ba me ba bantsi; le fa go ntse jalo ga ke fapoge ditshupo tsa gago. E a re fa ke bona ba ba sa ikanyegeng, ba ntene, ka ba sa tlhokomele polelo ya gago. Bona, ke rata ditaolo tsa gago; Morena, o mphedise ka fa bopelonoming jwa gago. Kakaretso ya Lefoko la gago ke boammaaruri; dithulaganyo tsotlhe tse di siameng tsa gago ke tse di sa khutleng. Babusi ba ntlhomere ka bomo, mme pelo ya me e boifa mafoko a gago fela. Ke itumelela polelo ya gago jaaka mongwe yo o bonang thopo e kgolo. Maaka ke a tlhoile, ke a a sisimoga; mme molao wa gago ke a o rata. Ke go baka gasupa ka letsatsi ka ntlha ya ditshiamiso tse di siameng tsa gago. Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e kgolo; ga ba na se se ba kgopisang. Ke solofetse pholoso ya gago, Morena, ke dirile ka fa ditaelong tsa gago. Mowa wa me o tlhokometse ditshupo tsa gago, mme ke di rata thata. Ke tlhokometse ditaolo tsa gago le ditshupo tsa gago; gonne ditsela tsa me tsotlhe di fa pele ga gago. Morena, a selelo sa me se atamele fa pele ga gago; ntlhalefise ka fa Lefokong la gago. A mekokotlelo ya me e fitlhe fa pele ga gago; mpholose ka fa polelong ya gago. Molomo wa me o tla opela ka ga Lefoko la gago; gonne ditaelo tsa gago tsotlhe di siame. Loleme lwa me lo tla opela ka ga Lefoko la gago; gonne ditaelo tsa gago tsotlhe di siame. A letsogo la gago le nthuse; gonne ke itlhaoletse ditaolo tsa gago. Morena, ke tlhologeletswe pholoso ya gago; molao wa gago o njesa monate. A mowa wa me o phele gore o go bake, mme a ditshiamiso tsa gago di nthuse. Ke latlhegile jaaka nku e e timetseng; a o ko o batle motlhanka wa gago; gonne ditaelo tsa gago ga ke di lebale. Thapelo ya go batla go femelwa mo basotling. Sefela sa go ya Tempeleng. Ke goetse Moreneng, ke le mo pitlaganong, mme a nkutlwa. Morena, nkgolola mo molomong wa maaka, mo lolemeng lwa tsietso. O tla go nayang, a go okeletsa eng, wena, loleme lwa tsietso? Metsu e e bogale ya dinatla e e nang le magala a mohudiri! A tatlhego ya me wee, ka ke jakile mo Mesege, ka ke agile fa ditenteng tsa Ketare! E setse e le sebaka se se fetang selekanyo ke ntse ke agile fa go bona ba ba tlhoileng kagiso. Nna ke wa kagiso, mme fa ke bua, bona ba batla ntwa fela. Sefela sa go ya Tempeleng. Ke tsholeletsa matlho a me kwa dithabeng; thuso ya me e tla tswa kae? Thuso ya me e tswa Moreneng yo o dirileng legodimo le lefatshe. Ga a ka ke a leseletsa lonao lwa gago go relela! Motlamedi wa gago ga a ka ke a otsela! Kana Motlamedi wa Iseraele ga a otsele, e bile ga a robale. Morena ke Mmabaledi wa gago; Morena ke moriti wa gago fa letsogong la gago le le jang. Letsatsi ga le kitla le go tlhaba motshegare, le fa e le ngwedi bosigo. Morena o tla go sireletsa mo masuleng otlhe; o tla boloka mowa wa gago. Morena o tla femela go bolola ga gago le go goroga ga gago go tloga jaanong go fitlha bosakhutleng. Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. E rile ba nthaya ba re: “A re yeng kwa Ntlong ya Morena!” ka itumela. Dinao tsa rona di eme mo dikgorong tsa gago, Jerusalema. Wena, Jerusalema, yo o agilweng jaaka motse o o kitlantsweng sentle, kwa ditso di tlhatlogelang teng, e bong ditso tsa Morena: Ke molao wa Baiseraele go baka leina la Morena teng. Gonne ditulo tsa katlholo di eme teng, ditulo tsa ntlo ya ga Dafita. Kopang kagiso ya Jerusalema; a ba ba go ratang ba phele ka iketlo. A go nne kagiso mo kagong ya phemelo ya lobota lwa gago, le boiketlo mo matlong a gago a borena. Ke tla bua ka ntlha ya bana ba ga rre le dilekane tsa me ke re: “A kagiso e nne mo go wena!” Ke tla go batlela se se molemo ka ntlha ya Ntlo ya Morena, Modimo wa rona. Sefela sa go ya Tempeleng. Ke tsholeletsa matlho a me koo go wena, yo o dutseng kwa legodimong. Bona, matlho a rona a lebile Morena, Modimo wa rona, go ya a be a re tlhomogele pelo, jaaka matlho a batlhanka a lebile diatla tsa beng ba bona le jaaka matlho a lelata a lebile seatla sa mohumagadi wa lone. Re tlhomogele pelo, Morena, re tlhomogele pelo; gonne re kgotshe nyatsego go feta tekanyo. Mewa ya rona e kgotshe tshotlo segolo ya ba ba sa kgathaleng sepe le lonyatso lwa ba ba ikgantshang. Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. Fa e ka bo e ne e se Morena yo o neng a re emela – a Iseraele a re jalo – fa e ka bo e ne e se Morena yo o neng a re emela, jale fa batho ba re tsogela, foo ba ka bo ba re meditse re sa phela, jale fa ba re tukela bogale. Foo noka e ka bo e re gogotse, metsi a ka bo a re betile. Foo metsi a a gogomogileng a ka bo a re khurumeditse. A go bakwe Morena yo o sa re tlogelelang go garolwa ke meno a bona. Mewa ya rona e falotse jaaka nonyane mo mutlwaneng wa mothaisi; mogala o kgaogile, mme rona re falotse. Thuso ya rona e mo leineng la Morena, Modiri wa legodimo le lefatshe. Sefela sa go ya Tempeleng. Ba ba ikanyang Morena, ba tshwana le thaba ya Sione e e sa reketleng, e e tlhomameng ka bosakhutleng. Jerusalema o dikanyeditswe ke dithaba; Morena o dikanyeditse batho ba gagwe jalo go tloga jaanong le go ya bosakhutleng. Gonne thobane ya bogosi ya boikepo ga e kitla e nna mo kabelong ya basiami, gore basiami ba se ka ba otlololela diatla kwa bosuleng. Morena, bona ba ba molemo le ba ba dipelo tsa nnete o ba direle molemo. Mme ba ba fapogelang mo ditseleng tse di kgopo tsa bona, Morena o tla ba lesa go ya tatlhegong mmogo le ba ba dirang boikepo. A kagiso e nne le Iseraele! Sefela sa go ya Tempeleng. E rile Morena a fetola tatlhego ya Sione, ra tshwana le ba ba lorang. Foo melomo ya rona e ne ya tlala setshego, le diteme tsa rona tuduetso. Foo go ne go buiwa mo ditšhabeng go twe: “Morena o ba diretse dilo tse dikgolo.” Morena o re diretse dilo tse dikgolo, ra itumela. Morena, fetola tatlhego ya rona jaaka dinokana tsa kwa borwa. Ba ba jwalang ka dikeledi, ba tla roba ka tuduetso. Ba a tle ba ye ba gase peo ba ntse ba lela, mme ba boe ka tuduetso ba tshotse dingata tsa bona. Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Salomo. Fa Morena a sa age ntlo, baagi ba yona ba tla bo ba itapisetsa lefela; fa Morena a sa dise motse, modisa o tla bo a itlhobaeletsa lefela. Ke lefela, fa lo tsoga phakela, lo itima boikhutso, lo ja dijo tsa matsapa; gonne Morena o tla naya baratwi ba gagwe ba ntse ba robetse. Bona, basimane ke neo ya Morena; leungo la sebopelo ke tuelo. Basimane ba bošwa jwa motho ba tshwana le metsu mo seatleng sa mogale. Go sego monna yo o e tladitseng mokotlopo wa gagwe; ga a nke a tlhajwa ke ditlhong, fa a bua le baba ba gagwe mo kgotleng. Sefela sa go ya Tempeleng. Go sego mongwe le mongwe yo o boifang Morena, yo o tsamayang mo ditseleng tsa gagwe. Ruri, o tla ja tsa tiro ya diatla tsa gago. O letlhogonolo! O tshela sentle. Mosadi wa gago o tshwana le moweine o o ungwang, a le mo teng ga ntlo ya gago. Bana ba gago ba ntse jaaka matlhogela a motlhware, ba dikanyeditse bojelo jwa gago. Bona, monna yo o boifang Morena, ruri o tla tshegofadiwa jalo. A Morena a go tshegofatse a le mo Sione, gore o bone letlhogonolo la Jerusalema ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago, o be o bone le bana ba bana ba gago! A kagiso e nne le Iseraele! Sefela sa go ya Tempeleng. “Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi go tswa bokaung jwa me” – a Baiseraele ba bue jalo ba re: “Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi go tswa bokaung jwa me, mme ga ba a ka ba mphenya. Balemi ba lemile mo mokokotlong wa me; ba leelefatsa mesele ya bona ya mogoma. Morena o siame; o kgaotse dikgole tsa baikepi.” A ba tlhajwe ke ditlhong, ba kate ka morago bona botlhe ba ba tlhoileng Sione. A ba nne jaaka bojang jo bo tlhogang mo godimo ga ntlo, jo bo omelelang bo ise bo kumolwe, jo mosegi o sa bo tlatseng seatla, le e seng yo o bofang dingata go bo tlatsa letsogo; fa bafeti ba sa ka keng ba bua teng ba re: “A tshegofatso ya Morena e nne le lona, re lo tshegofatsa ka leina la Morena.” Sefela sa go ya Tempeleng. Ke goela kwa go wena Morena, ke le mo botennye. Morena, utlwa lentswe la me; a ditsebe tsa gago di nne di tlhokomele mekokotlelo e ke e tlhatlosang. Morena, fa o ka lotolotsa melato, Morena, go ka ema mang? Mme boitshwarelo bo fa go wena gore o tle o boifiwe. Ke lebeletse Morena, mowa wa me o lebeletse, ke bile ke solofela lefoko la gagwe. Mowa wa me o lebeletse Morena go gaisa badisa, fa ba lebeletse moso, ee, go gaisa badisa, fa ba lebeletse moso. Iseraele, o lebelele Morena; gonne bopelotlhomogi bo mo Moreneng; o na le kgololo e kgolo. Ke ene yo o tla gololang Iseraele mo ditshiamololong tsotlhe tsa gagwe. Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. Morena, pelo ya me ga e ikgantshe, le matlho a me ga a belafale; ga ke itsenye mo dilong tse dikgolo tse di mphetang. Ruri, ke gomoditse mowa wa me, ka o didimatsa; mowa wa me o tshwana le ngwana yo o kgwisitsweng a le fa go mmaagwe; mowa wa me o mo go nna jaaka ngwana yo o kgwisitsweng. Iseraele, o lebelele Morena go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Sefela sa go ya Tempeleng. Morena, gopola Dafita le matshwenyego otlhe a gagwe, yo o neng a ikanela Morena, a solofetsa Modimo o o thata wa ga Jakobe a re: “Ruri, ga nka ke ka tsena mo ntlong ya me ya tente, le fa e le go ya go lala mo phateng e ke e aletsweng; ga nka ke ka fa matlho a me boroko, le fa e le dintshi tsa me kotselo, go ya ke be ke bonele Morena bonno, le Modimo o o thata wa ga Jakobe meago.” Bona, re utlwetse Letlole kwa Eferatha, ra le fitlhela mo nageng ya Jaare. A re yeng kwa boagong jwa gagwe, re obamele fa pele ga sebeo sa dinao tsa gagwe. Nanoga, Morena, o ye kwa bonnong jwa gago jwa boikhutso, wena le Letlole la thata ya gago. A baperesiti ba gago ba apare tshiamo; a baratiwa ba gago ba duduetse. O se ka wa gana motlodiwa wa gago ka ntlha ya ga Dafita, motlhanka wa gago. Morena o ikanetse Dafita ka boammaaruri – ga a kitla a bo tlhanogela – a re: “Yo e leng wa leungo la mmele wa gago ke tla mmaya mo sedulong sa bogosi sa gago. Fa bomorwao ba ka tlhokomela kgolagano ya me le ditshupo tsa me tse ke di ba rutang, foo bomorwaa-bone le bone ba tla nnela ruri mo sedulong sa bogosi sa gago.” Gonne Morena o itlhaoletse Sione, a mo eletsa gore e nne boago jwa gagwe a re: “Fa ke gona felo ga me ga boikhutso go ya bosakhutleng; fa ke gona fa ke tla agang teng; gonne ke go eleditse. Dijo tsa teng ke tla di tshegofatsa segolo, bahumanegi ba gona ke ba kgorisa bogobe. Baperesiti ba teng ke tla ba apesa pholoso; ba ba tlhomogetsweng pelo ba gona ba tla duduetsa thata. Foo ke tla tlhogisetsa Dafita lonaka; ke baakanyeditse motlodiwa wa me lobone. Ke tla apesa baba ba gagwe ditlhong; mme serwalo sa bogosi se se mo go ene se tla phatsima.” Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. Bona, go monate jang, go gontle jang, fa bana ba motho ba agile mmogo ka bongwefela jwa pelo. Go ntse jaaka lookwane lo lo rategang lo lo mo tlhogong, lo tshologela mo ditedung, ditedu tsa ga Arone, tse di lepelelelang mo momenong wa diaparo tsa gagwe. Go tshwana le monyo wa Heremone o o fologelang mo dithabeng tsa Sione; gonne Morena o rometse tshegofatso teng, e bong bophelo jo bo sa khutleng. Sefela sa go ya Tempeleng. Tlayang lo bake Morena, lona batlhanka botlhe ba Morena, ba lo emeng bosigo mo Ntlong ya Morena. Tsholeletsang mabogo kwa Felong-ga-Boitshepo, lo bake Morena. A Morena a go tshegofatse, a le mo Sione, ena yo o dirileng legodimo le lefatshe! Haleluya! Bakang leina la Morena, bakang, lona batlhanka ba Morena! Lona ba lo emeng mo Ntlong ya Morena, mo malapeng a Ntlo ya Modimo wa rona, bakang Morena, gonne Morena o molemo; opelelang leina la gagwe pako; gonne le a kgatlha. Gonne Morena o itlhophetse Jakobe, e bong Iseraele go nna wa gagwe. Ruri nna ke a itse, fa Morena a le mogolo; Morena wa rona o feta medimo yotlhe. Sengwe le sengwe se Morena o se ratang o se dira mo legodimong le mo lefatsheng le mo mawatleng le mo mafelong otlhe a a boteng. Ke ene yo o tlhatlosang meuwane go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe, a direla pula dikgadima, a ntsha phefo mo dipolokelong tsa gagwe. Ke ene yo o iteileng maitibolo a Egepeto, a batho le a dikgomo; a go romela ditshupo le dikgakgamatso, wena Egepeto, a betsa Farao le batlhanka botlhe ba gagwe. Ke ene yo o fentseng ditšhaba tse dintsi, a bolaya dikgosi tse di thata, e bong Sihone, kgosi ya Baamori, le Oge, kgosi ya Basane, le magosi otlhe a Kanana. A aba lefatshe la bona go nna boswa, boswa jwa Baiseraele, morafe wa gagwe. Morena, leina la gago ke le le sa khutleng; Morena, o tla nna o gopolwa mo losikeng longwe le longwe. Gonne Morena o tla siamisetsa morafe wa gagwe, a utlwela batlhanka ba gagwe botlhoko. Medimo ya diseto ya Baditšhaba ke selefera le gouta, ke tiro ya diatla tsa batho. E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone; e na le ditsebe, mme ga e utlwe; mme le gona ga go na mowa mo melomong ya yona. Badiri ba yona ba tla tshwana nayo le botlhe ba ba e ikanyang. Lona Baiseraele, bakang Morena; lona boora Arone, bakang Morena! Lona Balefi, bakang Morena; lona ba lo boifang Morena, bakang Morena! A go bakwe Morena go tswa mo Sione, ena yo o agileng mo Jerusalema. Haleluya! Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Lebogang Modimo wa medimo; gonne bopelotlhomogi jwa ona ke jo bo sa khutleng. Lebogang Morena wa barena; gonne bopelothomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Ena yo o dirang dikgakgamatso tse dikgolo a le esi; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Yo o dirileng legodimo ka botlhale; gonne bopelothomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Yo o ngamotseng lefatshe godimo ga metsi; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Yo o dirileng masedi a magolo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Letsatsi go laola motshegare; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Ngwedi le dinaledi go laola bosigo; gonne bopelothomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Yo o iteileng Baegepeto ka go bolaya maitibolo a bona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. A ntsha Iseraele mo gare ga bona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng; ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Yo o kgaogantseng Lewatle le Lehibidu ka bogare; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. A tshedisa Iseraele fa gare ga lone; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Mme a digela Farao le mephato ya gagwe mo Lewatleng le Lehibidu; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Yo o ne a ralatsa batho ba gagwe dikaka; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Yo o fentseng dikgosi tse dikgolo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. A bolaya dikgosi tse di tumileng; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Sihone, kgosi ya Baamori; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng; le Oge, kgosi ya Basane; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Mme a aba lefatshe la bona go nna boswa; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng; go nna boswa jwa ga Iseraele, motlhanka wa gagwe; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Yo o re gopotseng mo bobotlaneng jwa rona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. A re swatola mo go ba ba re pitlagantseng; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Yo o fang ditshedi tsotlhe dijo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng. Lebogang Modimo wa magodimo; gonne bopelotlhomogi jwa ona ke jo bo sa khutleng. Re ne re dutse fa dinokeng tsa Babele, ra ba ra lela, fa re gopola Sione. Re ne re pega diharepa tsa rona mo megokareng ya teng. Gonne ke teng kwa batshwari ba rona ba neng ba batla mafoko a sefela mo go rona gona; ba ba re thopileng ba senka boitumelo mo go rona ba re: “Re opeleleng sefela sengwe sa Sione.” Kana re ne re ka opela sefela sa Morena jang, re le mo nageng e sele! Fa nka go lebala, wena Jerusalema, a seatla sa me se se jang se lebale tiro ya sona. A loleme lwa me lo kgomarele magalapa a me, fa ke sa go gopole, fa ke sa itumelele Jerusalema bogolo go dilo tsotlhe! Morena, gopola Baetomo, ba ka letsatsi la Jerusalema ba rileng: “Mo rutleng, mo phomeng go fitlha mo motheong!” Morwadi Babele, wena mogateledi, go sego yo o tla go busetsang ditiro tsa gago tse o di re diretseng! Go sego ena yo o tla phamolang masea a gago, a a thubaganya mo lefikeng! Pesalome ya ga Dafita. Ke tla go galaletsa ka pelo yotlhe, ke go opelela pako fa pele ga medimo. Ke tla obamela ke lebile Tempele e e Boitshepo ya gago, ke galaletsa leina la gago ka ntlha ya bopelontle jwa gago le boikanyego jwa gago; gonne o godisitse leina la gago bogolo go tsotlhe. O nkutlwile mo letsatsing le ke go biditseng ka lone, wa nnaya bopelokgale le thata mo moweng. Morena, dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di tla go galaletsa, fa di utlwile mafoko a molomo wa gago. Di tla opela ka ga ditsela tsa Morena, ka kgalalelo ya Morena e le kgolo. Gonne Morena o godimo, mme o leba yo o boikokobetso; mme yo o ikgodisang ena o mo itse a sa le kgakala. Fa ke tsamaya ke le mo pitlaganong, ke wena yo o mphedisang; kgakalo ya baba ba me o e ntshetsa seatla, mme letsogo le le jang la gago le a nthusa. Morena o tla di nkgonela. Bopelontle jwa gago, Morena, ga bo na bokhutlo; se tlogele ditiro tsa diatla tsa gago! Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Morena, o a ntlhotlhomisa, o a nkitse. O itse go nna ga me le go nanoga ga me; o tlhaloganya maikaelelo a me o le kgakala. O sekaseka go tsamaya ga me le go lala ga me; mme ditsela tsotlhe tsa me o a di ela tlhoko. Gonne ga go na lefoko lepe mo lolemeng lwa me le, wena Morena, o sa le tlhaloganyeng gotlhe. O ntikanyeditse kwa morago le kwa pele, o beile seatla sa gago mo go nna. Kitso e, ke a e gakgamalela, e a mpalela; e kwa godimo, ke retelelwa ke go fitlha kwa go yona. Nka ya kae go efoga mo Moweng wa gago, sefatlhego sa gago nka se tshabela kae? Fa nka tlhatlogela kwa legodimong, o tla bo o le teng; fa nka ntsha felo ga baswi bolao jwa me, bona, o tla bo o le gona. Fa nka tsaya diphuka tsa mahube, ka ya go aga kwa bokhutlong jwa lewatle, le koo seatla sa gago se tla nkgoga, seatla se se jang sa gago se ntshwara. Le fa nka re: “A lefifi le mpipe, a lesedi le le ntikanyeditseng le nne lentsho tikologong ya me,” foo le lefifi ga le nke le nna lefifi mo go wena, le bosigo bo tla galalela jaaka motshegare, lefifi le tshwana le lesedi. Gonne o dirile diphilo tsa me, wa mpopa ke le mo mmeleng wa ga mme. Ke a go leboga, ka ke dirilwe ka kgakgamatso e e gaisang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago, mme mowa wa me o itse sentle jalo. Marapo a me a ne a sa go fitlhegela, motlheng o ke dirilweng ka ona mo bosaitsiweng, ke logiwa sentle mo botennye jwa lefatshe. Matlho a gago a mponye ke simolola go utlwelelwa; mme malatsi a me a a sa leng a rulaganngwa go ise go nne lepe la ona, a kwadilwe otlhe mo lokwalong lwa gago. Modimo, mo go nna megopolo ya gago e ratega jang! Palo ya yona e kana kang! Fa ke re, ke a e bala, ke fitlhele e feta motlhaba. Fa ke thanya, ke fitlhele ke sa ntse ke na nao. Modimo, bolaya tlhe moikepi! Lona banna ba polao, ntlogelang. Ke ba ba go rukhutlhegelang ka boferefere, ba bolela leina la gago ka go sa tshwanelang. Morena, a ga ke na go tlhoa bone ba ba go tlhoileng, le go tenwa ke ba ba go tsogelang? Ke ba tlhoile ka letlhoo le le tletseng, ba mphetogetse baba. Nkeleke, Modimo, o itse pelo ya me; nteke, o itse megopolo ya me, mme o bone, fa ke le mo tseleng e e bosula, mme o nkgogele mo tseleng ya bosakhutleng! Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Morena, nkgolole mo bathong ba ba bosula; o mpoloke mo banneng ba ba bodipa, ba ba akanyang dilo tse di bosula mo pelong, ba tsosa ntwa ka malatsi otlhe. Ba itooditse diteme, ba tshwana le dinoga; botlhole jwa lebolobolo bo mo maganong a bona. Sela. Morena, mpoloke mo diatleng tsa moikepi, o mphemele mo banneng ba ba bogwama, ba ba ikaeletseng go ntigela lengopeng. Baikgantshi ba mphitlhetse mutlwane le serai, ba mpeetse letloa fa thoko ga tsela, ba nthaisitse ka seru. Sela. Ke buile le Morena ka re: “O Modimo wa me.” Morena, reetsa lentswe la mekokotlelo ya me. Modimo Morena, wena thuso e e thata ya me, ke wena yo o femelang tlhogo ya me ka letsatsi la tlhabano. Morena, o se ka wa dirafatsa dikeletso tsa moikepi; a maano a o a logileng a se kgonege, ba ka tla ba ikgodisa. Sela. Fa ba ka tsholetsa ditlhogo tikologong ya me, a tshenyo ya diteme tsa bona e ba khurumetse. A Morena a nesetse magala mo go bona, a ba digele mo molelong, mo bodibeng gore ba se ka ba tlhola ba tsoga. A monna wa puo e e bosula a se ka a tlhomama mo lefatsheng; monna yo o bodipa a tlalelo e mo leleke gangwe le gape. Ke a itse, fa Morena a tla emela kgang ya motlalelwi le tshiamelo ya mohumanegi. Ruri, basiami ba tla leboga leina la gago, ba nnete ba tla aga fa pele ga gago. Pesalome ya ga Dafita. Morena, ke a go bitsa; itlhaganele, o tle go nna; utlwa lentswe la me, fa ke goela go wena. A thapelo ya me e nne jaaka maswalo fa pele ga gago; a tsholetso ya me ya mabogo e nne jaaka tshupelo ya maitsiboa. Morena, beela molomo wa me tiso; lebelela mojako wa molomo wa me. Se sokololele pelo ya me kwa selong se se bosula go dira ditiro tsa boikepo le banna ba ba dirang bosula, mme a ke se je monate o ba o jang. Mosiami a ka ntitaya, ke ka lorato, a ka nkwatlhaya, ke lookwane lwa tlhogo; tlhogo ya me ga e kitla e lo gana. Le fa go ntse jalo ke rapela ka ntlha ya masula a bona. Fa baatlhodi ba bona ba digwa mo makgotlhong, ba tla utlwa mafoko a me, fa e le a a monate. Marapo a rona a gasagasegile fa mojakong wa felo ga baswi jaaka fa motho a lema, a gagola lefatshe. Gonne matlho a me a lebile wena Modimo Morena; ke batla botshabelo fa go wena; se ntshe mowa wa me mo nameng. Mphemele mo thateng ya segole se ba nthaisitseng ka sona, le mo dirung tsa ba ba dirang bosula. A baikepi ba wele mo lemeneng la bona botlhe mmogo, mogang nna ke fetang ke falola. Sefela sa thuto sa ga Dafita, fa a ne a le mo logageng. Thapelo. Ke goela Moreneng ke tlhatlositse lentswe; ke lelela boitshwarelo mo Moreneng ke tsholeditse lentswe. Ke tshololela selelo sa me fa pele ga gagwe, ke bega tlalelo ya me fa pele ga gagwe. Fa ke nyema moko, wena o itse tsela ya me. Ba mpeetse serai mo tseleng e ke tshwanetseng go e tsamaya. Ke lebile ntlheng ya letsogo le le jang, ke fitlhela go se na ope yo o nkitseng; botshabelo jwa me bo ile; ga go ope yo o mpotsang bophelo. Ke goela kwa go wena, Morena, ke re: “Ke wena botshabelo jwa me le kabelo ya me mo lefatsheng la baphedi.” Ela selelo sa me tlhoko; gonne ke koafetse segolo; nkgolole mo babogising ba me; gonne ba mpheta ka thata. Nntshe mo kgolegong gore ke galaletse leina la gago. Basiami ba tla ntikanyetsa, fa o ntirela molemo. Pesalome ya ga Dafita. Utlwa thapelo ya me, Morena, o ele selelo sa me tlhoko; nkutlwe ka fa boikanyegong jwa gago le ka tshiamo ya gago. Mme o se ka wa seka le motlhanka wa gago; gonne ga go na mophedi ope yo o siameng fa pele ga gago. Gonne mmaba o bogisa mowa wa me, o gateletse bophelo jwa me fa fatshe; o nkagisa mo lefifing jaaka bona ba ba swetseng ruri. Mowa wa me o a felelela; pelo ya me e gatsetse mo teng ga me. Ke gakologelwa malatsi a bogologolo, ke akanya tsotlhe tse o di dirileng; ke gopola ditiro tsa diatla tsa gago. Ke otlololela mabogo kwa go wena, mowa wa me o go nyoretswe jaaka lefatshe le le omeletseng. Sela. Morena, akofa o nkutlwe, mowa wa me o a idibala; se mphitlhele sefatlhego sa gago, gore ke se ka ka nna jaaka bona ba ba fologetseng kwa moleteng. Nkutlwise bopelonomi jwa gago mo mosong; gonne ke ikantse wena. Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go e tsamaya; gonne ke tsholeletsa mowa wa me kwa go wena. Nkgolole mo babeng ba me, Morena, ke itiketsa ka wena. Nthute go dira se se go natefelang; gonne o Modimo wa me. A Mowa wa gago o o molemo o nkgoge mo tseleng e e lekalekanyeng. Morena, mphedise ka ntlha ya leina la gago, o nntshe mo pitlaganong ka tshiamo ya gago. Mme o nyeletse baba ba me ka fa bopelonoming jwa gago, mme botlhe ba ba ntwantshang o ba bolae; gonne ke motlhanka wa gago. Pesalome ya ga Dafita. A go bakwe Morena, lefika la me, yo o rutileng diatla tsa me go tlhabana le menwana ya me go lwa; e bong Montlhomogelapelo le Montshireletsi; Momphemedi le Mompholosi; thebe ya me le yo ke mo ikanyang, yo o tsenyang morafe wa me mo taolong ya me. Morena, kana motho ke eng, fa o mo itse, le ngwana wa motho, fa o mo tlhokomela? Motho o tshwana le pudulo fela; malatsi a gagwe a feta jaaka moriti. Morena, sekamisa legodimo la gago o fologe; ama dithaba gore di kue musi. Gadimisa legadima, mme o ba phatlalatse; roma metsu ya gago, o ba tseanye. Ntsha mabogo a gago, o le kwa godimo, o nkinole; o ntshwatole mo merwaleleng, mo diatleng tsa baeng, ba melomo ya bona e buang maaka, ba diatla tsa bona tse di jang e leng tsa tsietso! Modimo, ke tla go opelela sefela se sešwa, ke go leletsa harepa ya dithapo di le some. Ke wena yo o nayang dikgosi phenyo, yo o falodisang Dafita, motlhanka wa gago, mo tšhakeng e e senyang. Ntshwatole o nkgolole mo diatleng tsa baeng, ba melomo ya bona e buang maaka ba diatla tsa bona tse di jang e leng tsa tsietso! A bomorwaa-rona ba nne mo bokaung jwa bona jaaka ditlhatshana tse di godisitsweng; le bomorwadia-rona ba nne jaaka maotwana a sekhutlo a a setilweng ka fa mokgweng wa kago ya matlo a borena. A difala tsa rona di tlale, go ntshiwe mefutafuta ya dijo mo go tsona; a difutshane tsa rona di ate ga dikete, di ntsifale ga dikete tse some mo mafulong a rona. A dikgomo tsa rona di tsale di se folotse go se nne nyelelo le e seng go lelela kotsi mo dipatlelong tsa rona. Go sego morafe o o dirafalelwang ke tseo; go tlhogonolo morafe o Morena e leng Modimo wa ona! Sefela sa pako sa ga Dafita. Modimo wa me, ke tla go godisa, Kgosi; ke baka leina la gago ka gale le ka bosakhutleng. Ke tla go baka ka letsatsi lengwe le lengwe, ke tumisa leina la gago ka gale le ka bosakhutleng. Morena o mogolo, o tshwanetse go bakwa thata; bogolo jwa gagwe ga bo na tlhotlhomiso. Losika longwe lo tla boka ditiro tsa gago mo go lo longwe, ba tla bolela ditiro tse di thata tsa gago. Ke tla bua ka ga phatsimo ya borena jo bo galalelang jwa gago le ka ga ditiro tse di gakgamatsang tsa gago. Bona ba tla bua ka ga thata ya ditiro tse di boitshegang tsa gago, mme nna ke tla bolela bogolo jwa gago. Ba tla utlwatsa tumo ya molemo o mogolo wa gago, ba dudueletsa tshiamo ya gago. Morena o boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko; ga a fele pelo, o mogolo ka bopelotlhomogi. Morena o molemo mo go botlhe, boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo okame ditiro tsotlhe tsa gagwe. Morena, a dibopiwa tsotlhe tsa gago di go leboge, a baratwa ba gago ba go bake. A ba bolele kgalalelo ya bogosi jwa gago, ba bue ka ga thata ya gago gore ba itsise bana ba batho ditiro tse di bonatla tsa gago le kgalalelo e e phatsimang ya bogosi jwa gago. Bogosi jwa gago ke bogosi jo bo se nang bokhutlo, puso ya gago e nna go ya tshikatshikeng. Morena o tshegetsa botlhe ba ba wang, o tsosa botlhe ba ba obegileng. Matlho a ba botlhe a lebile wena, mme o ba naya dijo tsa bona ka nako e e lebanyeng. O huporolola seatla sa gago, o kgorisa diphedi tsotlhe ka natefo. Morena o siame mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o pelonomi mo ditirong tsotlhe tsa gagwe. Morena o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O dirafatsa keletso ya bona ba ba mmoifang, o utlwa selelo sa bona, a ba thuse. Morena o boloka botlhe ba ba mo ratang, mme baikepi botlhe o a ba nyeletsa. Molomo wa me o tla bolela pako ya Morena; a diphedi tsotlhe di galaletse leina le le boitshepo la gagwe ka gale le ka bosakhutleng. Haleluya! Baka Morena, wena mowa wa me! Ke tla nna ke galaletsa Morena ke ntse ke phela; ke tla nna ke opelela Modimo wa me ke sa ntse ke le yo. Lo se ka lwa ikanya barena, le e seng ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ena. Fa mowa wa gagwe o tswa, o boela gape kwa mmung wa gagwe; maikaelelo a gagwe a fele ka lone letsatsi leo. Go sego ena yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo tsholofelo ya gagwe e leng mo go Morena, Modimo wa gagwe, yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona; yo o bolokang boammaaruri ka bosakhutleng; yo o direlang bapatikwi tshiamo, ba ba tlala a ba fe dijo. Morena o golola bagolegwi. Morena o foufolola difofu; Morena o tsosa ba ba obegileng; Morena o rata basiami. Morena o boloka baeng, o gomotsa dikhutsana le batlholagadi; mme tsela ya baikepi yona a e kgopamise. Morena ke kgosi ka bosakhutleng; e bong Modimo wa gago, Sione, go ya tshikatshikeng. Haleluya! Galaletsang Morena! Gonne go pila go leletsa Modimo wa rona, ee, go monate; sefela sa pako se tshwanetse. Morena o aga Jerusalema, o phutha balelekwi ba Iseraele. O fodisa ba ba dipelo di phatlogileng, o fapa dintho tsa bona. O tlhomamisa palo ya dinaledi, tsotlhe o di taya maina. Morena wa rona o mogolo, o thata e kgolo; tlhaloganyo ya gagwe ga e ka ke ya lekanngwa. Morena o kakatlolola ba ba pelonolo; mme baikepi bona o ba digela fa fatshe. Tlhabelang Morena sefela sa tebogo; opelelang Modimo wa rona ka harepa; ona o o apesang legodimo ka maru, o o baakanyetsang lefatshe pula, o o medisang bojang mo dithabeng; o o nayang diruiwa dijo tsa tsona, le magakajane, fa a lela. Ga o natefelwe ke thata ya pitse, ga o kgatlhwe ke dikgoka tsa monna. Morena o kgatlhwa ke ba ba mmoifang, ba ba solofetseng bopelonomi jwa gagwe. Jerusalema, galaletsa Morena; Sione, baka Modimo wa gago. Gonne o thatafaditse mephakarego ya mejako ya gago; o tshegofaditse bana ba gago mo go wena. Ke ona o o nayang lefatshe la gago kagiso, o o go jesang mabele a a nang le moko. O romela taolo ya ona kwa lefatsheng; Lefoko la ona le siana thata. O tlhotlhora semathana jaaka boboa, o gasa serame jaaka molora. O latlhela sefako sa ona jaaka dikgapetla. Ke mang yo o ka itshokelang letsididi la ona? O roma Lefoko la ona, o di gakolose; o fokisa phefo ya ona, metsi a ele. O itsise Jakobe Lefoko la ona, o itsise Iseraele melao ya ona le dithulaganyo tsa ona. Ga o ise o ke o direle morafe ope jalo, mme dikatlholo tsa ona ga ba di itse. Haleluya! Haleluya! Bakang Morena, lo le mo magodimong; mmakeng, lo le mo mafelong a a godimo! Mmakeng lona baengele ba gagwe botlhe; mmakeng lona masomosomo a gagwe otlhe! Mmakeng lona letsatsi le ngwedi; mmakeng lona dinaledi tsotlhe tse di phatsimang! Mmakeng lona magodimo a magodimo le metsi a a leng kwa godimo ga magodimo. A di bake leina la Morena; gonne o laotse, mme tsa tlholega. Mme o di tlhomamiseditse ruri; o beile molao o di sa ka keng tsa o tlola. Bakang Morena, lo le mo lefatsheng, lona dikgwanyape tsa mawatle le madiba otlhe, le wena molelo le sefako le semathana le musi le phefo ya ledimo le le dirafatsang lefoko la gagwe. Lona dithaba le dithabana tsotlhe; lona ditlhare tse di ungwang le mesetere yotlhe; lona diphologolo le diruiwa tsotlhe; lona dilo tse di gagabang le lona dinonyane tse di diphuka; lona dikgosi tsa lefatshe le merafe yotlhe, lona dikgosana le baatlhodi botlhe ba lefatshe; lona makau le lona makgarebe, lona batsofe mmogo le bana – botlhe a ba bake leina la Morena; gonne leina la gagwe ke lone fela le le godileng. Borena jwa gagwe bo mo lefatsheng le mo legodimong. O godiseditse morafe wa gagwe lonaka; ke se se bokwang ke batlhomogelwa botlhe ba gagwe, e bong Baiseraele, morafe o o gaufi nae. Haleluya! Haleluya! Opelelang Morena sefela se sešwa le pako ya gagwe mo phuthegong ya baratwi! A Iseraele a itumelele Modiri wa gagwe; a bana ba Sione ba dudueletse kgosi ya bona! A ba bake leina la gagwe ka dipina, ba mo leletse moropa le harepa. Gonne Morena o natefelwa ke batho ba gagwe; o kgabisa ba ba pelonolo ka pholoso. A baratwi ba letse megolokwane ka tlotlo; ba duduetse ba le mo malaong a bona, dipôkô tsa Modimo di le mo melomong ya bona le tšhaka e e magale mabedi mo diatleng tsa bona, go dirafatsa pusoloso mo ditšhabeng le dipetso mo merafeng go golega dikgosi tsa yona ka dikeetane le batlotlegi ba yona ka mefiri ya tshipi go dirafatsa mo go bona katlholo e e kwadilweng. Seo ke tlotlo ya baratwi ba gagwe. Haleluya! Haleluya! Bakang Modimo mo Felong ga ona ga Boitshepo; o bakeng mo loaping lwa thata ya ona! O bakeleng ditiro tse dikgolo tsa ona, o bakeng ka fa bogolong jo bo tletseng jwa ona! O bakeng ka tumo ya dinaka; o bakeng ka harepa le serankure! O bakeng ka moropa le ka dipina, o bakeng ka dikwadi tsa dithapo le ka ditlhaka! O bakeng ka diphaphatshana tsa motenyane; o bakeng ka diphaphatshana tsa moporo! A tsotlhe tse di nang le mowa di bake Morena! Haleluya! Diane tsa ga Salomo morwa Dafita, kgosi ya Iseraele. Ke tsa go itse botlhale le ngwao, tsa go tlhaloganya mafoko a temogo gore motho a amogele tlhagiso e e tlhalefisang le tshiamo le molao le tsa nnete gore ba ba iseng ba tlhalefe ba newe thuto, makau a newe kitso le kelelelo – Yo o botlhale o tla di utlwa, a ba a okelediwa kitso; yo o fatlhogileng o tla bona dikgakologelo tse di molemo – gore a tlhaloganye diane le ditshwantsho le mafoko a ba ba botlhale le dinyepo tsa bone. Go boifa Morena ke tshimologo ya kitso. Masilo a nyatsa botlhale le maitsholo. Morwaaka, utlwa taelo ya ga rraago; se tlhokomologe thuto ya ga mmaago! Gonne tsona ke serwalo se sentle mo tlhogong ya gago le sebaga sa mokgabo mo molaleng wa gago. Morwaaka, fa baleofi ba go raela, o gane. Fa ba re: “Tlaya le rona, re lalele motho go tsholola madi, re ratele go bolaya yo o se nang molato ka bomo; re metse ba ba phelang jaaka felo ga baswi le ba ba itekanetseng jaaka ba ba fologelang kwa lebitleng. Re tla bona dithoto tsa mefutafuta tsa tlhwatlhwa e kgolo; re tla tlatsa matlo a rona ka thopo. Utlwana le rona! Re tla tlhakanela kgetsana ya madi mmogo.” Morwaaka, se tsamae nabo mo tseleng! Iletsa dinao tsa gago ditselana tsa bone! Gonne maoto a bone a sianna kwa bosuleng, a itlhaganelela go tsholola madi. Ee, letloa le le thaisang dinonyane tsa mefutafuta fa pele ga matlho a tsona le alelwa lefela. Mme bone bao ba lalela madi a bone ka bosi, ba batla go itshenyetsa maphelo ka bosi. Ke tsona ditsela tsa botlhe ba ba batlang kgwebo ya tshiamololo: yona e tla amoga beng ba yona bophelo. Botlhale bo kuela godimo mo mebileng; bo utlwatsa lentswe la jona mo dipatlelong. Bo tlhaba mokgosi bo le mo godimo ga dipota; bo bolela mafoko a jona mo mejakong ya dikgoro tsa motse: Bo re: “Lona ba lo sa tlhalefang lo tla rata go se tlhalefe go fitlha leng? Basotli ba tla khutla leng go kgatlhwa ke ditshotlo? Masilo a tla lesa leng go tlhoa kitso? Retologelang kwa kgalemelong ya me! Bonang, ke tla lo ntshetsa mowa wa me, ke lo itsise mafoko a me. E re ka ke biditse, mme lwa gana; ke otlolotse letsogo, mme ga se ka ga tlhokomela ope; ka lo tlhokomologile kgakololo ya me yotlhe, mme lwa se ka lwa rata kgalemelo ya me: Ka moo le nna ke tla tshega tatlhego ya lona, ke sotla, fa lo tlelwa ke therego; fa therego e lo tlela jaaka tumo ya maru, fa tatlhego ya lona e tla jaaka ledimo, fa tlalelo le pitlaganyo di lo wela. Foo ba tla mpitsa, mme ga nke ke araba; ba tla mpatla, mme ga ba nke ba mpona. E re ka ba tlhoile kitso, ba se ka ba itlhaolela go boifa Morena; ka ba se ka ba rata kgakololo ya me, mme ba nyatsa kgalemelo ya me yotlhe: Ke ka moo ba tshwanetseng go bolawa ke se ba se jeleng, le go kgora bosula jwa maano a ba a logileng. Gonne boikepo jwa ba ba sa tlhalefang bo a ba bolaya; go se kgathale sepe ga dieleele go di isa mo tatlhegong. Mme yo o nkutlwang o tla nna mo tshireletsong; o tla bo a iketlile a sa boife bosula.” Morwaaka, fa o ka amogela mafoko a me, wa boloka ditaolo tsa me mo go wena, fa o sekegela botlhale tsebe, o lebisa pelo ya gago kwa tlhaloganyong; ee, fa o bitsa temogo, o tlhatlosetsa tlhaloganyo lentswe la gago, fa o bo batla jaaka selefera, o bo fukutsa jaaka khumo e e fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Morena, o tla bona kitso ya go itse Modimo. Gonne Morena o aba botlhale; kitso le tlhaloganyo di tswa mo molomong wa gagwe. O bolokela basiami thuso; ke ene thebe ya ba ba sepelang ka boitekanelo le yo o bolokang ditselana tsa tshiamo le yo o tsamayang mo tseleng ya ba ba mmoifang. Foo o tla tlhaloganya tshiamo le molao le tsa nnete le tselana nngwe le nngwe e e molemo. Gonne botlhale bo tla tsena mo pelong ya gago; kitso e tla nna monate mo go wena. Kakanyo e tla go disa, tlhaloganyo e tla go boloka; e le go go falodisa mo tseleng ya ba ba bosula le mo bathong ba ba buang tse di sokameng, ba ba tlogelang ditselana tse di tlhamaletseng gore ba tsamae mo ditseleng tsa lefifi; ba ba itumelang go dira bosula ba dudueletsa bokgopo jwa yo o sa siamang, ba ditselana tsa bone di kgopameng, ba metlhala ya bone e leng ya boikepo. E tla go falodisa mo mosading o sele yo e seng wa gago wa mafoko a a borethe; yo o tlhalang molekane wa bošwa jwa gagwe, a lebale kgolagano e o e ikanetseng fa pele ga Modimo wa gagwe. Gonne lapa la gagwe le fologela kwa losong; ditselana tsa gagwe di ya kwa baswing. Botlhe ba ba yang kwa go ene ga ba boe; ga ba fitlhe mo ditselaneng tsa bophelo. Tseo ke gore o sepele mo tseleng ya ba ba molemo, o tlhamalele fela mo ditselaneng tsa basiami. Gonne ba nnete ba tla nna mo lefatsheng; baitekanedi ba tla sadisiwa mo go lone. Mme baikepi ba tla nyelediwa mo lefatsheng; balotsana ba tla kumolwa mo go lone. Morwaaka, se lebale thuto ya me; a pelo ya gago e tshegetse ditaolo tsa me! Gonne di tla go okeletsa bontsi jwa malatsi le dinyaga tsa bophelo le kagiso. A lorato le boammaaruri di se go tlogele, di apare mo molaleng wa gago, o di kwale mo pelong ya gago jaaka mo letlapeng. Foo o tla bona bopelonomi le botlhale jo bo molemo tse di kgatlhang Modimo le batho. Ikanye Morena ka pelo yotlhe, mme o se ikaege ka tlhaloganyo ya gago. Mo gopole mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme ene o tla siamisa ditselana tsa gago. Se ikae yo o botlhale ka wesi, mme o boife Morena, o ile bosula. Go dira jalo go tla fodisa mmele wa gago, go lapolosa marapo a gago. Tlotla Morena ka dineo tsa khumo ya gago le tsa letlhafula la kotulo yotlhe ya gago. Foo difala tsa gago di tla tlala letlotlo; digatelo tsa gago di tla tshologa matute a moweine. Morwaaka, se nyatse kotlo ya Morena; le gona o se kgopisiwe ke kgalemelo ya gagwe. Gonne Morena o a tle a otle yo a mo ratang, jaaka rraagwe motho a betsa ngwana yo o mo kgatlhang. Go tlhogonolo motho yo o bonyeng botlhale le monna yo o bonang tlhaloganyo. Go bo bona go gaisa go bona selefera; go nna najo go phala gouta. Bo na le tlhwatlhwa e kgolo bogolo go dibaga tsa korale. Dilo tse dintle tsotlhe ga di lekane najo. Boleele jwa bophelo bo mo seatleng sa jona se se jang; mo go sa molema sa jona go na le khumo le tlotlo. Ditsela tsa jona ke ditsela tse dintle; ditselana tsotlhe tsa jona ke tsa kagiso. Botlhale ke setlhare sa bophelo mo go ba ba bo tshwereng; ba ba itshwarelelang ka jona ba tlhogonolo. Morena o theile lefatshe ka botlhale; a tlhomamisa legodimo ka tlhaloganyo. Ke ka kitso ya gagwe, fa madiba a tswela, fa maru a rothisa monyo. Morwaaka, boloka kelelelo le kakanyo; a di se tloge mo matlhong a gago! Tsona di tla phedisa mowa wa gago; tsona e tla nna mokgabo o montle mo molaleng wa gago. Foo ò tla tsamaya mo tseleng ya gago ò iketlile; leoto la gago ga le ne le kgotšwa. Fa o ya go robala ga o ka ke wa boifa. Fa o robetse, boroko jwa gago bo tla nna monate. Ga o na go boifa poitshego ya tshoganyetso, le fa e le tatlhego ya baikepi, fa e tla. Gonne ke Morena yo ò mo ikanyang; o tla disa leoto la gago gore le se tshwarwe. Se time ba ba tshwanetsweng ke tse di molemo, fa go le mo thateng ya gago go ba thusa. Se ree mongwe-ka-wena o a re: “Tsamaya o tla boa! Ke tla se go naya kamoso!” etswe o na naso. Se logele mongwe-ka-wena maano a a bosula a ntse a agile nao a go ikantse. O se ka wa seka le motho kwa ntle ga lebaka, fa a sa go direla bosula bope! Se fufegele monna yo o dirang ka tshiamololo, se itlhophele tsela epe ya ditsela tsa gagwe! Gonne Morena o tenwa ke yo o kgopo, mme o kopana le ba nnete. Morena o rogaka ntlo ya moikepi, mme lelapa la basiami o a le tshegofatsa. Ba e leng basotli o tla ba sotla; mme ba ba ikokobetsang o tla ba tlhomogela pelo. Boswa jwa ba ba botlhale ke tlotlo, mme masilo a tla sala le ditlhong. Banaka, utlwang thuto ya ga rraeno, lo ele tlhoko gore lo lemoge tlhaloganyo! Gonne ke lo naya thuto e e molemo; se tlogeleng molao wa me! E rile ke nna le rre ke le mosimane, ke le tlekeetso, ke le ngwana-o-esi wa ga mme, rre a nthuta a nthaya a re: “Pelo ya gago a e tshole mafoko a me; boloka ditaolo tsa me, foo o tla phela. Batla botlhale, batla tlhaloganyo; se di lebale, se fapoge mo mafokong a molomo wa me. Se bo tlogele, bo tla go disa; bo rate, bo tla go boloka! Botlhale bo phala dilo tsotlhe, ka moo he: Batla botlhale! ntsha tsotlhe tse o di ruileng, o reke tlhaloganyo. Bo godise, bo tla go godisa; bo tla go tlotla, fa o bo tlamparela. Bo tla rwesa tlhogo ya gago serwalo se sentle; bo go naya mokgabo wa serwalo sa bogosi.” Ngwanaka, reetsa o amogele mafoko a me, foo dinyaga tsa bophelo di tla go ntsifalela. Ke go ruta tsela ya botlhale, ke go tsamaisa mo metlhaleng ya nnete. Fa o tsamaya, dikgato tsa gago ga di nke di khutshwafadiwa; fa o siana, ga o nke o kgotšwa. Kgomarela thuto. O se ka wa e lesa. E boloke. Gonne yona ke bophelo jwa gago. Se wele mo tseleng ya baikepi, o se sepele ka mokgwa wa ba ba bosula. E tlhokomologe, se tsamae mo go yona; fapoga mo go yona, o iphetele. Gonne ga ba robale ba ise ba senye; ba tlhoka boroko, fa ba ise ba dige motho. Gonne ba ja bogobe jwa boikepo, ba nwa weine ya dikgatelelo. Tselana ya basiami e tshwana le lesedi la mahube le le ntseng le oketsegela pele go ya motshegareng o mogolo. Mme tsela ya baikepi e tshwana le lefifi; ga ba itse gore ba tla kgotšwa ke eng. Morwaaka, reetsa mafoko a me, sekegela dipolelo tsa me tsebe. A di se tloge mo matlhong a gago; di boloke mo pelong ya gago. Gonne di phedisa ba ba di bonang; di ba fodisa mmele otlhe. Disa pelo ya gago bogolo go tsotlhe tse di ka disiwang; gonne bophelo bo tswa mo go yona. Bolotsana jwa molomo bo tlose mo go wena; tsietso ya loleme e katologanye nao. A matlho a gago a lebelele kwa pele! A dintshi tsa matlho a gago di lebe tse di fa pele ga gago. Lolamisa motlhala wa dinao tsa gago. A ditsela tsotlhe tsa gago e nne tse di laotsweng. Se fapogele ntlheng ya le le jang, le fa e le ya la molema; tshabisa maoto a gago bosula. Ngwanaka, botlhale jwa me o bo ele tlhoko; tlhaloganyo ya me o e sekegele tsebe gore o boloke kelelelo, mme molomo wa gago o boloke kitso. Gonne molomo wa mosadi o sele o rothisa mafura a dinotshe; magalapa a gagwe a borethe bogolo go lookwane. Mme la bofelo o galaka jaaka longana; o bogale jaaka tšhaka e e magale-mabedi. Maoto a gagwe a fologela kwa losong; dikgato tsa gagwe di ntse di atamela felo ga baswi. Ditselana tsa gagwe ke tsa go kgarakgatshega a sa itse gore a se ka a tlhamalela mo tseleng ya bophelo. Mme jaanong, banaka, nkutlweng; se tlogeleng mafoko a molomo wa me! A tsela ya gago e nne kgakala nae; se atamele mojako wa ntlo ya gagwe. E se re gongwe wa naya ba bangwe thata ya bošwa jwa gago, le e seng go naya mosadi yo o setlhogo dinyaga tsa gago, e se re gongwe ba bangwe ba kgora ka thata ya gago le ka tse o di bonyeng ka matsapa, tsa ya mo ntlong ya motho o sele. E se re gongwe mo bokhutlong jwa gago, fa go fela mmele wa gago le nama ya gago, o a fegelwa, o a re: “Joo nna wee! Ke ne ke reng, fa ke ila thuto; fa pelo ya me e nyatsa kgalemelo, fa ke sa utlwe mantswe a baruti ba me fa ke sa sekegele ba ba nthutang tsebe! Ke batlile go wela gotlhe mo tatlhegong, ke le mo gare ga batho le phuthego!” Nnyaya! Nwaa metsi a sediba sa gago, a a tswelang mo motsweding wa gago. A o a re, metswedi ya gago e tshologele kwa ntle; dinokana tsa metsi tsa gago di ele mo dipatlelong? Nnyaya! A e nne tsa gago o le nosi, e seng tsa ba bangwe nao! A motswedi wa gago o tshegofale; o itumelele mosadi wa bošwa jwa gago o le nosi. O a ratega jaaka tshephe e namagadi, o montle jaaka mofele o monamagadi. A bontle jwa gagwe bo go lapolose ka metlha, wena o nne o itumele ka lorato lwa gagwe. Morwaaka, o ratelang go kgatlhwa ke mosadi o sele? O ka tlamparela jang mosadi yo e seng wa gago? Gonne ditsela tsa mongwe le mongwe di bonwa ke matlho a Morena; o ntse a tlhokomela metlhala yotlhe ya gagwe. Moikepi o tla tshwarwa ka melato ya gagwe, a golegwa ka megala ya boleo jwa gagwe. O tla swa ka go sa rutega, a latlhega ka bosilo jo bogolo jwa gagwe. Ngwanaka, fa o ipofile wa re, ke tla lefa molato wa mongwe-ka-nna; fa o ipofile ka go neelana diatla le moeng, fa o itlamile ka mafoko a molomo wa gago; fa o tshwerwe ka dipolelo tsa molomo wa gago, dira jaana, ngwanaka gore o ikgolole, gonne o wetse mo diatleng tsa mongwe-ka-wena: Yaa o ikokobetse, o kokotlele mongwe-ka-wena thata! Tima matlho a gago boroko, se dumelele dintshi tsa gago go otsela. O falole jaaka phudufudu mo seatleng sa motsomi le jaaka nonyane mo seatleng sa mothaisi wa yona. Motlapa, yaa kwa tshoswaneng, o bone mekgwa ya yona, o tlhalefe! Le fa e se na kgosana le e seng mokwaledi gongwe molaodi, e etleetsa dijo tsa yona selemo, e kgobokanya dijo tsa yona fa go kotulwa. Wena setshwakga, o tla robala go fitlha leng? O tla tsoga leng mo borokong? O a re: “Ke ya go robala go le gonnye, ke otsela go le gonnye, ke phutha diatla go le gonnye go ikhutsa.” Mme khumanego ya gago e tla tla jaaka senokwane le lehuma la gago jaaka motlhabani. Yo o tsamayang ka bolotsana jwa molomo ke motho yo o se nang mosola; ga se monna wa sepe. O gwetlha ka matlho, a bontshe ka maoto, a supe ka menwana, a loge maano a bolotsana mo pelong ya gagwe a a bosula ka metlha yotlhe, a lotlhanye batho. Ene yoo tatlhego e tla mo wela ka tshoganyetso, o tla pšhwetlwa ka ponyo ya leitlho, go se na se se ka mo thusang. Dilo di le thataro Morena o di tlhoile, tse supa ke maila mo go ene: Ke matlho a boikgantsho le loleme lwa maaka le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato le pelo e e logang maano a bolotsana le maoto a a itlhaganelelang kwa bosuleng le mosupi wa kako yo o bolelang maaka le yo o losang bana ba motho. Ngwanaka, boloka taolo ya ga rraago; se latlhe thuto ya ga mmaago. Di golegelele mo pelong ya gago ka metlha, o di apare mo molaleng wa gago. A di go pate, fa o tsamaya; di go sireletse, fa o robala; di bue nao, fa o thanya. Gonne taolo ke lobone, thuto ke lesedi; dikgalemelo tsa thuto ke tsela ya bophelo gore di go thibose mo mosading yo o bosula le mo boretheng jwa loleme lwa mosadi wa yo mongwe. Se eletse bontle jwa gagwe ka pelo ya gago; le gona a a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe. Gonne mosadi wa seaka o humanegisa motho, mme mosadi wa monna yo mongwe o tsoma bophelo jo bo rategang. A motho o ka lokela molelo mo kgwatlheng ya gagwe, diaparo tsa gagwe di sa šwe? Gongwe a motho o ka gata magala, mme a se ka a šwa dinao? Yo o tsenang kwa mosading wa mongwe-ka-ene o ntse jalo; mongwe le mongwe yo o mo amang ga a ka ke a falola mo petsong. Legodu ga le nyatsege, fa le utswa gore le kgorise keletso ya lone, fa le bolawa ke tlala. Fa le tshwarwa, le ka lefa gasupa; le ka ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya lone. Mme yo o senyang nyalo le mosadi o sele o a tsenwa; go dira ene fela yo o ratang go itshenyetsa bophelo. O tla kgwatha ka ditlhong; nyatsego ya gagwe ke e e sa phimolweng. Gonne fa bogale jwa monna e le jwa lefufa, ga a kitla a rekegela ka letsatsi la pusoloso; ga a nke a go itshwarela, le fa o ntsha tefa; ga a nke a diga pelo, le fa o ntsha dineo tse dintsi. Ngwanaka, se lebale mafoko a me; ipolokele ditaolo tsa me. Tshegetsa ditaolo tsa me, foo o tla phela, le molao wa me jaaka thaka ya leitlho la gago. Di bofelele mo menwaneng ya gago, o di kwale mo letlapeng la pelo ya gago. Raya botlhale o re: “O kgaitsadiake;” bitsa tlhaloganyo wa ga eno gore di go fapose mosadi o sele yo e seng wa gago, wa mafoko a a borethe. Gonne nkile ka okomela ka fenstere le ka phatlha ya lobota, ka bona lekau mo go ba ba sa tlhalefang; ka lemoga lesilo mo makolwaneng le feta le mmila gaufi le sekhutlo sa mosadi yole, le tsamaya mo tseleng e e fetang fa ntlong ya gagwe, ka lotlatlana, ka maabanyane, ka nako ya bosigo le lefifi. Bonang, ke fa mosadi yole a le kgatlhantsha, a apere diaparo tsa boaka, a le pelo e bolotsana; a ipapatsa, a itaola; dinao tsa gagwe tsa tlhoka boikhutso mo ntlong ya gagwe. Jaanong o mo mmileng, kgantele o mo dipatlelong, o lalela mo dikhutlong tsotlhe. Sule! O tshwere lekau lele, o a le atla; o bolela le lone, a se na ditlhong, a re: “Ke ne ke tlamegile go tlhaba ditlhabelo tsa tebogo; kajeno ke dirafaditse maikano a me. Ke ka moo ke duleng go go kgatlhantsha le go go batla, mme jaanong ke go bonye. Ke adile bolao jwa me ka dikobo le ka masela a a mebalabala a mantle a Egepeto. Ke gasitse marobalo a me ka mera le mekgwapha le kinamone tse di nkgang monate. Tlaya, a re tlhapelwe ka lorato go fitlha mosong, a re thabisanye ka go ratana! Gonne monna wa me ga a yo mo gae, o ile leetong le leleele. Sekgwama sa madi o se tshotse; o tla boela kwano gae ka letsatsi le ngwedi o tlalang ka lone.” A le raela jalo, a le kgona ka mafoko a mantsi a gagwe le ka borethe jwa loleme lwa gagwe. La mo sala morago ka pele jaaka pholo e isiwa go tlhajwa, jaaka lesilo, fa le golegilwe go ya go otliwa; go fitlhelela motswi o le phololele sebete; jaaka nonyane e itlhaganela go tsena mo serung e sa itse, fa e ya go bolawa. Ka moo he, lona banaka, nkutlweng lo tlhokomele mafoko a molomo wa me. A pelo ya gago e se ka ya fapogela mo tseleng ya mosadi yoo, ngwanaka, o se ka wa timelela mo ditselaneng tsa gagwe. Gonne ba ba bolailweng ba o ba digileng ba bantsi; botlhe ba ba bolailweng ke ene ke bontsi jo bogolo. Ntlo ya gagwe ke ditsela tse di yang kwa felong ga baswi, ke tsa go fologela kwa matlwaneng a loso. A botlhale ga bo kue? A tlhaloganyo ga e tlhatlose lentswe la yona? Bo eme mo mebotong e e okameng tsela le mo makgabaganong a ditselana. Bo kua fa thoko ga dikgoro tsa motse; fa pele ga dikgorwana bo kuela godimo bo re: “Heelang banna! Ke bitsa lona; lentswe la me le raya lona bana ba batho. Lona ba lo sa tlhalefang ithuteng botlhale; lona masilo, ithuteng tlhaloganyo! Utlwang, gonne ke tla bolela dikgang tota, ke tumolola molomo go bua tse di siameng. Ee, magalapa a me a bua nnete, mme dipuo tsa boikepo ke maila mo go nna. Mafoko otlhe a molomo wa me a siame; ga go na bolotsana le fa e le tshokamo mo go ona. A utlwala sentle fela otlhe mo go yo o a tlhaloganyang; yo o bonyeng kitso a re: Ke a nnete. Amogelang kgalemelo ya me, mme e seng selefera; le kitso bogolo go gouta e e tlhaotsweng. Gonne botlhale bo molemo bogolo go dibaga tsa korale; dilo tse dintle tsotlhe ga di lekane najo. Nna Botlhale ke tlwaelanye le Tlhaloganyo; kitso le kelelelo ke na natso. Go boifa Morena ke go ila bosula. Ke tlhoile boikgogomoso le boikgodiso le tsamao e e bosula le molomo o o bolotsana. Kgakololo le botswerere di mo go nna; ke na le kutlwisiso le thata. Dikgosi di busa ka nna; beng ba thata ba baya melao e e siameng ka nna. Dikgosana di laola ka nna, le batlotlegi le baatlhodi botlhe ba lefatshe. Ke rata ba ba nthatang; ba ba mpatlang ka tlhoafalo ba tla mpona. Khumo le tlotlo di mo go nna le leruo le le tlhomameng le tshiamo. Leungo la me le gaisa gouta, ee, gouta e e itshekileng; se ke se ruisang motho se phala selefera e e tlhaotsweng. Ke sepela mo tseleng ya tshiamo, ke tsamaya ditselana tsa molao fa gare gore ke jese banthati boswa jo bo tlhomameng, ke ba tlaletse matlo a mahumo. Morena o ntirile mo tshimologong ya ditsela tsa gagwe, ka nna wa ntlha wa ditiro tsa gagwe bogologolo. Ke sa le ke tlholwa kgale mo tshimologong pele ga metlha ya lefatshe. E rile go se na mawatle, go se na metswedi e e tletseng metsi, ka tsalwa. Ya re dithaba di ise di theiwe, dithota di ise di nne teng, ka tsalwa. Ke fa Morena a ise a dire lefatshe le dinaga le fa e le tshimologo ya mebu ya lefatshe. Ya re a ala legodimo, ka bo ke le gona; ya re a tlhoma tikologo ya loapi mo godimo ga mawatle ya re a bofelela maru kwa godimo, ya re a tswedisa metswedi ya mawatle thata, ya re a beela lewatle molelwane wa lone gore metsi a se ka a tlola taolo ya gagwe ya re a baya metheo ya lefatshe, ka bo ke na nae ke le ngwana ka itumela ka letsatsi le letsatsi, ka nna ka tshameka fa pele ga gagwe ka metlha yotlhe. Ka tshanoka mo tikologong ya lefatshe la gagwe, ka itumelela baba ba batho. Ka moo he, nkutlweng, bomorwaaka; go tlhogonolo ba ba sepelang mo ditseleng tsa me. Utlwang thuto, lo tlhalefe; lo se ka lwa e tlhokomologa. Go sego motho yo o nkutlwang, a leta fa dikgorong tsa me ka malatsi otlhe, a disa mepakwana ya mejako ya me. Gonne yo o mponang o bona bophelo, a itumelelwa ke Morena. Mme yo o mphosang o a itshenyetsa ka esi; botlhe ba ba ntlhoileng ba rata loso.” Botlhale bo agile ntlo ya jona, jwa emisa maotwana a yona a supa, jwa tlhaba dikgomo tsa jona, jwa tlhakanya weine ya jona, jwa baakanya lomati lwa bojelo lwa jona, jwa roma basetsana ba jona, ba laletsa ba le fa mobotong e e okameng motse ba re: “Yo o sa tlhalefang, a a tle kwano!” Yo o se nang tlhaloganyo bo mo raya bo re: “Tlayang lo je dijo tsa me, lo nwe weine e ke e tlhakantseng! Tlogelang bosilo gore lo phele; lo sepele mo tseleng ya tlhaloganyo.” Yo o kgalemelang mosotli o iponna ditlhong fela; yo o bolelelang moikepi nnete o itshela sebala sa gagwe. Se kgalemele mosotli, e se re gongwe a go tlhoa; kgalemela yo o botlhale, o tla go rata. Naya yo o botlhale, o tla tlhalefela pele; ruta mosiami, o tla rutegela pele. Tshimologo ya botlhale ke go boifa Morena; go itse Moitshepi ke yona tlhaloganyo. Gonne malatsi a gago a tla ntsifala ka nna; o tla okelediwa dinyaga tsa bophelo ke nna. Fa o le botlhale, o tla thusega ka jona; fa o sotlile o tla rwala molato o le wesi. Mosadi yo o bidiwang Bosilo o a tlhodia, o a raela; ga a itse ditlhong. O ntse fa mojakong wa ntlo ya gagwe mo sedulong kwa mebotong ya motse gore a laletse ba ba fetang mo tseleng, ba ba tlhamaletseng mo ditselaneng tsa bone, a re: “Yo o sa tlhalefang a a tle kwano!” Yo o se nang tlhaloganyo a mo raya a re: “Metsi a a utswitsweng a monate; senkgwe sa sephiri se a natefa.” Mme yo o sa tlhalefang ga a itse fa baswi ba le gona; fa ba ba laleditsweng ke ene Bosilo ba le kwa matennye a felo ga baswi. Diane tsa ga Salomo. Ngwana yo o botlhale o itumedisa rraagwe, mme ngwana yo o bosilo o hutsafatsa mmaagwe. Dikhumo tsa tshiamololo ga di thuse sepe, mme tshiamo e golola mo losong. Morena ga a bolaise mosiami tlala, mme keletso ya moikepi o e kgoromeletsa kwa morago. Seatla sa motlapa se a humanegisa, mme diatla tsa ba ba tlhaga di a humisa. Ngwana yo o maatlametlo o phutha dijo selemong. Yo o robalang go kotulwa ke yo o tlhabisang ditlhong. Masego a mo tlhogong ya mosiami, mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo. Go gakologelwa mosiami go tshegofatsa matlho, mme leina la baikepi le a nyelela. Yo o pelo e botlhale o amogela ditaolo, mme yo o molomo o bosilo o tla digwa. Yo o sepelang ka boitekanelo o tsamaya a le mo tshireletsong; yo o sokamisang ditsela tsa gagwe o tla lemogiwa. Yo o tswitlang ka leitlho o tsisa bohutsana; mme yo o kgalemelang molato a sa tshabe motho o dira kagiso. Molomo wa mosiami ke motswedi wa bophelo; mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo. Letlhoo le tsosa phapaang, mme lorato lo bipa maleo otlhe. Go fitlhelwa botlhale mo molomong wa motlhalefi, mme thupa e tshwanetse motlhana wa yo o se nang tlhaloganyo. Ba ba botlhale ba ipolokela kitso, mme molomo wa seeleele o atametsa tlalelo. Tse mohumi o nang natso ke motse o o thata wa gagwe; mme tatlhego ya ba ba botlana ke khumanego ya bone. Tse mosiami o di itiretseng di a mo phedisa; tse moikepi o di bonang di a mo leofisa. Yo o elang kotlo tlhoko o mo tseleng e e yang mo bophelong; mme yo o tlhokomologang kgalemelo o a timela. Melomo ya maaka e fitlha letlhoo, moutlwatsa-tshele ke lesilo. Bontsi jwa mafoko ga bo tlhoke boleo, mme yo o itshwarang molomo o botlhale. Loleme lwa mosiami ke selefera e e tlhaotsweng; tlhaloganyo ya moikepi ga se ya sepe. Molomo wa mosiami o jesa ba bantsi, mme dieleele di tla swa ka go tlhoka tlhaloganyo. Tshegofatso ya Morena ke yona e e humisang; matsapa a motho ga a e okeletse sepe. Go dira tse di tlhabisang ditlhong go kgatlha seeleele; mme monna yo o nang le tlhaloganyo o kgatlhwa ke botlhale. Se moikepi o se tshabang se tla mo wela; se basiami ba se eletsang Modimo o tla se ba naya. E a re fa ledimo le feta, moikepi a ye le lone; mme mosiami o theilwe mo motheong o o sa khutleng. Tse botlha bo di dirang mo menong, tse musi o di dirang mo matlhong, ke tse motlapa o di direlang ba ba mo romileng. Go boifa Morena go oketsa malatsi a bophelo; mme dinyaga tsa baikepi di tla fokodiwa. Tsholofelo ya basiami e isa mo boitumelong; tse baikepi ba di letileng di a nyelela. Tsela ya Morena ke phemelo ya morapedi, mme e isa badiri ba boithamako mo tatlhegong. Mosiami ga a kitla a reketla ka bosakhutleng, mme baikepi ga ba kitla ba nnela ruri mo lefatsheng. Molomo wa mosiami o tlhogisa botlhale, mme loleme lwa bolotsana lo tla kumolwa. Molomo wa mosiami o itse tse di natefang; melomo ya baikepi e itse tsa bolotsana fela. Selekanyetso sa go tsietsa ke maila mo Moreneng; mme seelo se se lekanyeng se a mo kgatlha. Boikgantsho bo bapile le ditlhong, mme botlhale bo mo go ba ba ikokobetsang. Poifo-Modimo ya batho ba nnete e ba etelela pele, mme bolotsana jwa ba ba se nang boikanyo bo tla ba isa tatlhegong. Di-tsa-motho ga di thuse ka letsatsi la bogale, mme tshiamo e golola mo losong. Tshiamo ya mmoifi-Modimo e tla baakanya tsela ya gagwe, mme moikepi o tla wa ka boikepo jwa gagwe. Tshiamo ya batho ba nnete e tla ba pholosa, mme ba ba se nang boikanyo ba tla tshwarwa ka keletso ya bone. E a re fa moikepi a swa, tsholofelo ya gagwe e nyelele; tse masilo a di lebeletseng di senyege. Fa mosiami a ntshiwa mo tlalelong, moikepi o tsena mo boemong jwa gagwe. Yo o pelompe o senya mongwe-ka-ene ka molomo, mme basiami ba pholosiwa ka kitso. E a re fa basiami ba phela sentle, motse o duduetse; e re baikepi ba nyelela, go nne tuduetso. Motse o gola ka tshegofatso ya batho ba nnete, mme o rutlwa ka melomo ya baikepi. Yo o se nang tlhaloganyo o nyatsa mongwe-ka-ene, mme monna wa kelelelo o a didimala. Yo o senyang ba bangwe leina o bolela tsa sephiri, mme yo o mowa o ikanyegang o a di loba. Mo go se nang bogogi jo bo siameng morafe o a latlhega, mme o thusega, fa go le bagakolodi ba bantsi. Fa motho a ipofa go emela molato wa yo mongwe, o tla direlwa bosula thata; mme yo o ilang kemelo o tla iketla. Mosadi yo o pelontle o tla bona tlotlego, mme mosadi yo o ilang nnete o bona sedulo sa nyatsego. Yo o lorato o itirela molemo ka esi; yo o setlhogo o itshenyetsa ka esi. Moikepi o itirela khumo ya tsietso, mme yo o jwalang tsa tshiamo o bona tuelo ya nnete. Tshiamo ya nnete e isa mo bophelong, mme yo o sianelang boikepo o sianela losong. Ba ba pelo di kgopo ba tena Morena, mme ba tsamao e e itekanetseng ba a mo kgatlha. Ruri, yo o bosula ga a nke a tlhoka petso, mme losika lwa basiami lo tla falola. Mosadi yo montle yo o se nang maitseo o tshwana le lenyena la gouta mo nkong ya kolobe. Tse basiami ba di eletsang ke tse di molemo fela; tse baikepi ba di lebeletseng ke kotlo e e bogale. Go na le ba ba abelang ba bangwe thata, mme ba okelediwa leruo; go ba ba bolokang tsa bone go feta tshwanelo, mme ba ya lehumeng. Yo o ratang go tshegofatsa ba bangwe o tla lapolosiwa ka esi; yo o nosang ba bangwe le ene o tla nosiwa. Yo o ganang ka mabele o hutsiwa ke batho; mme lesego le tla okama yo o a rekisang. Yo o tlhoafalelang tse di molemo o ipatlela natefo, mme yo o batlang bosula o tla ipolaya ka jona. Yo o ikanyang khumo ya gagwe o tla tlhotlhorega, mme basiami ba tla tlhoga jaaka matlhare. Yo o dubakanyang ntlo ya gagwe o tla rua phefo; lesilo e tla nna motlhanka wa yo o pelo e botlhale. Leungo la mosiami ke setlhare sa bophelo yo o kgonang mewa ya batho o botlhale. Bonang, mosiami o tla bona tuelo mo lefatsheng; moikepi le moleofi le bone ba tla bona ya bone e e botlhoko. Yo o ratang kotlo o rata kitso. Yo o ilang kgalemelo ke seeleele. Morena o kgatlhwa ke yo o molemo, mme o latlha mologa-maano-a-bosula. Motho ga a kitla a tlhomama ka boikepo, mme medi ya basiami ga e nke e kumolwa. Mosadi yo o maatlametlo ke serwalo sa monna wa gagwe; mme yo o tlhabisang ditlhong o tshwana le go tlhotlhona ga marapo a gagwe. Megopolo ya basiami e batla tshiamo, mme maano a baikepi ke a tsietso. Mafoko a baikepi ke a go lalela madi a basiami, mme melomo ya ba nnete e a ba pholosa. Baikepi ba tla ribegediwa ba tlosiwa; mme matlo a basiami a ntse a eme. Monna o bokwa go lekana le kitso ya gagwe, mme yo o pelo e kgopo o tla nyatsega. Yo mmotlana, fa a itirela, o phala yo o ikgodisang, mme a tlhoka bogobe. Mosiami o na le pelo le mo diruiweng tsa gagwe, mme maikutlo a baikepi a setlhogo. Yo o lemang tshimo ya gagwe o tla kgora bogobe; mme yo o latelang tse di se nang mosola ga a na tlhaloganyo. Moikepi o eletsa go tsoma dilo tse di bosula, mme medi ya basiami e tla ntsha maungo. Boleo jwa molomo ke seru se se kotsi; mme mosiami o falola mo tlalelong. Motho o tla kgora tse di molemo tsa leungo la molomo wa gagwe; tiro ya diatla tsa motho e tla boela kwa go ene. Tsela ya lesilo e lolame mo matlhong a lone, mme go botlhale yo o amogelang kgakololo. Lesilo le bontsha go ngala ga lone ka pele, mme yo o itshwereng pila o fitlha kgopisego. Yo o bolelang tse e leng tsona o bua tse di tlhomameng; mme mosupi wa maaka o bua tsa tsietso. Go na le ba ba buabuang mafoko a a tlhabang jaaka tšhaka, mme diteme tsa ba ba botlhale di a fodisa. Molomo wa boammaaruri o tla tlhomama ka bosakhutleng, mme loleme lwa maaka ke lwa ponyo ya leitlho fela. Tsietso e mo pelong tsa ba ba akanyang bosula, mme ba ba rerang kagiso ba na le boitumelo. Mosiami ga a welwe ke tatlhego epe, mme ba ditlalelo di ba welang ka bontsi ke baikepi. Melomo e e akang e tena Morena, mme ba ba dirang ka boammaaruri ba a mo kgatlha. Motho yo o itshwereng sentle o loba kitso, mme pelo tsa masilo di kua tsa bosilo. Diatla tsa batlhoafadi di tla laola, mme botlapa bo isa botlhankeng. Tshwenyego mo pelong ya monna e a e imela; mme lefoko la lorato le a e thabisa. Mosiami o itse se se mo phedisang, mme tsela ya baikepi e a ba timetsa. Setshwakga ga se bone se se se tsomang, mme khumo e kgolo ke ya monna wa motlhoafadi. Bophelo bo mo tseleng ya tshiamo, mme tsela e e sokameng e isa losong. Ngwana yo o botlhale o laiwa ke rraagwe, mme mosotli ga a rate kgalemelo. Motho o tla ja tse di monate tsa leungo la molomo wa gagwe, mme balotsana ba eletsa kgatelelo fela. Yo o disang molomo wa gagwe o ipolokela bophelo; mmalabadi o tla wela theregong. Motlapa o eletsa tse dintsi, mme ga a bone sepe; tse batlhoafadi ba di eletsang ba di bona ka botlalo. Mosiami o tlhoa puo ya maaka, mme moikepi o nyefola ba bangwe, a itlhabisa ditlhong. Tshiamo e boloka wa tsamao e e molemo, mme boleo bo diga baikepi. Go na le yo o ipayang mohumi, le fa a se na sepe, le yo o ipayang mohumanegi, le fa a na le leruo le legolo. Serekololo sa bophelo jwa motho ke khumo ya gagwe; mme motlhoki ga a utlwe go bôpêlwa. Lesedi la mosiami le tuka sentle, mme dipone tsa baikepi di tla tima. Ka boikgodiso go tsosiwa kgang fela, mme ba ba amogelang kgakololo ba botlhale. Leruo le le bonwang ka boithamako le tla ngotlega, mme yo o le kgobokanyang ka tiro ya diatla o tla le ntsifatsa. Tsholofelo e e diegang e lwatsa pelo, mme keletso e e dirafetseng ke setlhare sa bophelo. Yo o nyatsang lefoko la Modimo, dipetso tsa lone di tla mo wela, mme yo o boifang taolo o tla fiwa tuelo. Thuto ya letlhale ke motswedi wa bophelo gore motho a falole mo dirung tsa loso. Kelelelo e e molemo e a kgatlhisa, mme tsela ya balotsana e ba isa mo tatlhegong. Motlhalefi o dira tsotlhe ka kitso, mme seeleele se phatlalatsa bosilo. Morongwi wa boikepo o tlhokisa boikhutso, mme morongwi yo o ikanyegang o tlisa namatshego. Khumanego le nyatsego ke tsa yo o nyatsang thuto, mme yo o tlhokomelang kgalemelo o tla tlotlega. Keletso e e dirafetseng e monate mo pelong mme go tshaba bosula go tena masilo. Kopana le matlhale gore o tlhalefe; mme yo o tlwaelanang le masilo o tla nna bosula. Tatlhego e latelela baleofi, mme Modimo o duela basiami ka tse di molemo. Yo o molemo o tlogelela bana ba bana boswa, mme dithoto tsa moleofi di bolokelwa mosiami. Tshimo e badidi ba e kgathileng e ntsha dijo tse dintsi; mme go na le ba ba latlhegang ka tshiamololo. Yo o rekegelang thupa o tlhoile morwawe; yo o mo ratang o a tle a mo otle. Mosiami o a ja a ba a kgore mme dimpa tsa baikepi di tla tlhoka di nna logaba. Mma-botlhale o agile ntlo ya gagwe, mme mma-bosilo o e rutla ka diatla tsa gagwe. Yo o sepelang mo tshiamong ya gagwe o boifa Morena, mme yo o fapogileng tsela o a mo nyatsa. Thupa ya moikgantshi ke molomo wa gagwe, mme melomo ya matlhale e disa beng ba yona. Fa dipholo di se teng, mogopo o lolea; mme kotulo e kgolo e bonwa ka thata ya dipholo. Mosupi yo o ikanyegang ga a ake, mme mosupi wa tsietso o bua maaka fela. Mosotli o batla botlhale, mme ga a bo bone; wa kelelelo ene o bo bona ka botlhofo. Tlogela monna wa lesilo; gonne o tlhokile molomo wa kitso mo go ene. Botlhale jwa yo o tlhalefileng ke go disa tsamao ya gagwe, mme bosilo jwa dieleele ke tsietsego fela. Masilo a sotlwa ke setlhabelo-sa-molato, mme ba nnete ba natefela Modimo. Pelo e itse botlhoko jwa yona, fela jaaka yo mongwe a sa itse boitumelo jwa yona. Matlo a baikepi a tla senngwa, mme lelapa la ba nnete le tla kgaba. Go na le ditsela tse motho a reng di siame, mme la bofelo ke ditsela tsa loso. Pelo e ka nna botlhoko, le fa molomo o tshega, mme bokhutlo jwa boitumelo ya nna selelo. Yo o pelo e tenegileng o tla bolawa ke ditsela tsa gagwe; mme monna yo o molemo o tla ja monate wa ditiro tsa gagwe. Yo o sa tlhalefang ke madumela-gotlhe, mme letlhale le ela dikgato tsa lone tlhoko. Letlhale le a boifa le tila bosula, mme lesilo le itaola fela le sa boife sepe. Yo o galefang ka pele o tla dira tsa bosilo, le yo o bolotsana mo maanong o ipiletsa letlhoo. Boswa jwa ba ba sa tlhalefang ke bosilo, mme ba ba botlhale ba ikgabisitse ka kitso. Ba ba bosula a ba iname fa pele ga ba ba molemo le baikepi mo dikgorong tsa mosiami. Mohumanegi o tlhoiwa le ke wa ga gabo, mme mohumi o ratwa ke ba bantsi. Yo o nyatsang mongwe-ka-ene o a leofa, mme go tlhogonolo yo o tlhomogelang babogisegi pelo. A ga ba timele ba ba logang maano a a bosula? Mme lorato le boammaaruri ke tsa ba ba akanyang molemo. Go tswelelwa pele ka tiro yotlhe e e lapisang, mme go buabua ka molomo fela go a tlhokisa. Serwalo sa batlhalefi ke khumo ya bone, mme bosilo jwa dieleele e ntse e le bosilo fela. Mosupi wa nnete o pholosa maphelo, mme yo o buang maaka ke moeki. Tshireletso e e tiileng ke ya yo o boifang Morena; le bana ba gagwe ba tla nna le botshabelo. Go boifa Morena ke motswedi wa bophelo gore motho a falole mo dirung tsa loso. Bontsi jwa morafe ke yona kgalalelo ya kgosi, mme fa go fokotsega batho ke therego ya kgosana. Yo o pelotelele o na le tlhaloganyo e kgolo; mme yo o felang pelo o dira dilo tsa bosilo jo bogolo. Pelo e e iketlileng e phedisa mmele sentle, mme lefufa ke go tlhotlhona ga marapo. Yo o gatelelang ba babotlana o kgala Mmopi wa bone, mme yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o a mo tlotla. Moikepi o digwa ke bosula jwa gagwe, mme mosiami o na le botshabelo motlha a swang. Botlhale bo iketlile mo pelong ya motlhalefi, mme tse di mo pelong tsa masilo di utlwala ka makgakga. Tshiamo e godisa setšhaba, mme boleo ke ditlhong tsa merafe. Motlhanka yo o botlhale o kgatlha kgosi, mme e tla galefela yo o tlhabisang ditlhong. Karabo e e bonolo e tima bogale, mme lefoko le le kgopisang le a galefisa. Diteme tsa matlhale di ntsha kitso sentle, mme melomo ya masilo e bilola boeleele fela. Matlho a Morena a mo mafelong aotlhe, a tlhola ba ba bosula le ba ba molemo. Bonolo jwa loleme ke setlhare sa bophelo; mme bolotsana jwa lone bo phatlola pelo. Lesilo le nyatsa kotlo ya rraalo, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o tla tlhalefa. Letlotlo le legolo le mo ntlong ya mosiami, mme di-tsa-moikepi di a senyega. Melomo ya matlhale e utlwatsa kitso, mme dipelo tsa masilo ga di na nnete. Ditlhabelo tsa baikepi ke maila Moreneng, mme thapelo ya batlhamaladi e a mo kgatlha. Tsamao ya moikepi ke maila Moreneng, mme o rata yo o latelelang tshiamo. Kotlo e e botlhoko e wela yo o tlogelang tsela; mme yo o ilang kgalemelo o tla swa. Morena o bona felo ga baswi le ga tatlhego, mme o bona dipelo tsa batho bogolo go gona. Mosotli ga a rate yo o mo kgalemelang, le gona ga a etele matlhale. Pelo e e thabileng e ntlafatsa sefatlhego, mme mowa o imelwa ke botlhoko jwa pelo. Pelo ya motlhalefi e batla kitso, mme melomo ya masilo e rata boeleele. Malatsi aotlhe a mmogisegi a botlhoko, mme yo o pelo e thabileng o na le moletlo ka gale. Bobotlana jo bo nang le poifo-Modimo bo phala khumo e kgolo e e nang le letswalo. Go ja morogo re ratana go monate go phala kgomo e e nontshitsweng re tlhoanye. Monna yo o bogale o tsosa ntwa, mme yo o pelotelele o fedisa kgang. Tsela ya motlapa e tshwana le legora lwa mitlwa, mme tselana ya ba ba matlhagatlhaga e katilwe sentle. Ngwana yo o tlhalefileng o itumedisa rraagwe, mme motho wa lesilo o nyatsa mmaagwe. Boeleele ke boitumelo jwa yo o se nang tlhaloganyo, mme monna wa kelelelo o tlhamalalela pele fela. Maikaelelo a a pala, fa go se na kgakololano; fa bagakolodi ba le bantsi, a tla dirafala. Monna o itumelela karabo ya molomo wa gagwe; lefoko le le buiwang ka nako e e le lebanyeng le molemo jang! Tsela ya bophelo e tlhatlosetsa motlhalefi kwa godimo gore a fapoge felo ga baswi ka kwa tlase. Morena o tla rutla ntlo ya baikgantshi, mme o tla tlhomamisa molelwane wa motlholagadi. Maano a yo o bosula ke maila mo Moreneng, mme mafoko a lorato a phepa mo go ene. Motho wa kgwebo ya tshiamololo o hudua ntlo ya gagwe, mme yo o ilang dineo tse di faposang o tla phela. Pelo ya mosiami e akanya dikarabo, mme melomo ya baikepi e bilola tse di bosula. Morena o kgakala le baikepi, mme thapelo ya basiami o a e utlwa. Matlho a thabo a itumedisa pelo; kitsiso e e molemo e tiisa moko. Tsebe e e reetsang dikgalemelo tse di phedisang e rata go nna le matlhale. Yo o tlhokomologang dikotlo o nyatsa bophelo jwa gagwe, mme yo o utlwang kgalemelo o tla bona tlhaloganyo. Go boifa Morena ke yona thuto ya botlhale; boikokobetso bo etelela tlotlego pele. Sa motho ke go ikakanya, mme loleme lo tla fiwa karabo ke Morena. Motho a re, ditsela tsotlhe tsa gagwe di itshekile, mme yo o tlhatlhobang mewa ke Morena. Neela Morena ditiro tsa gago, foo maikaelelo a gago a tla dirafala. Morena o bopetse dilo tsotlhe maikaelelo a gagwe; ee, le moikepi o mmopetse letsatsi la tatlhego. Mongwe le mongwe yo o pelo e ikgodisang ke maila mo Moreneng; ruri, ga a kitla a tlhoka petso. Molato o bipiwa ka bopelotlhomogi le ka boammaaruri; motho o tila bosula ka go boifa Morena. Fa ditsela tsa monna di kgatlha Morena, le baba ba gagwe o tla ba agisanya nae. Leruonyana la tshiamo le phala le legolo la tshiamololo. Pelo ya motho e akanya tsela ya gagwe, mme Morena ke ene a tsamaisang dikgato tsa gagwe. Katlholo e mo molomong wa kgosi; a molomo wa yona o se ka wa atlhola ka boikanyologo! Seelo le selekanyetso tse di siameng ke tsa Morena; majwe otlhe a kgetsana a a supang bokete ke tiro ya gagwe. Go dira tsa boikepo ke maila dikgosing; gonne sedulo sa kgosi se tlhomamisiwa ka tshiamo. Melomo e e siameng e kgatlha dikgosi; di rata yo o bolelang tsa nnete. Kgalefo ya kgosi e tshwana le barongwi ba loso; monna yo o botlhale o tla e tima. Sefatlhego sa kgosi se se supang lorato se a phedisa; bopelontle jwa yona bo tshwana le leru la pula ya tlhakola-modula. Go huma botlhale go phala gouta jang ne! Go huma tlhaloganyo go gaisa selefera. Tsela e e katilweng ya batho ba nnete ke go tila bosula; yo o disang tsamao ya gagwe o boloka bophelo jwa gagwe. Boikgodiso bo latelwa ke tatlhego; mowa o o ikgantshang o etelela go wa pele. Go ikokobetsa le ba ba ikokobetsang go gaisa go abelana thopo le ba ba ikgodisang. Yo o elang Lefoko la Modimo tlhoko o tla bona tlhogonolo. Go sego yo o ikanyang Morena. Yo o pelo e botlhale o tla bidiwa motlhalefi; mafoko a a bonolo a tsweledisa thuto pele. Tlhaloganyo ke motswedi wa bophelo mo go mong wa yona; mme masilo a otlwa ka bosilo jwa ona. Pelo ya letlhale e ruta loleme lwa lone; le gona e godisa thuto mo molomong wa lone. Mafoko a a monate ke mafura a dinotshe, a natefela pelo, a alafa le marapo. Go na le tsela e e siameng mo matlhong a motho, mme bokhutlo jwa yona ke tsela ya loso. Tlala ya modiri e a mo dirisa, gonne molomo wa gagwe o a mo kgweetsa. Sekebeke se epela ba bangwe gopo ya tatlhego; e kete molelo o o fisang o mo molomong wa sona. Molotsana o lotlhanya batho; mosenya-leina o kgaoganya ditsala. Mosiamolodi o raela mongwe-ka-ene, o mo gogela mo tseleng e e seng molemo. Yo o budulatsang matlho go loga maano a bolotsana, a ba a moma molomo o setse a dirile bosula. Moriri o mmududu ke serwalo se sentlentle; se bonwa ka tsamao e e siameng. Yo o pelotelele o phala seganka; yo o itseng go itshwara o gaisa mothopi wa motse. Tengwa e kgotlokgodiwa mo pataneng ya seaparo, mme katlholo ya yona e tswa mo Moreneng. Thathana e e se nang sešabo go le kagiso e phala ntlo e e tletseng dinama go lowa. Motlhanka yo o botlhale o tla laola ngwana yo o tlhabisang ditlhong, a ba a kgaogana boswa le bomorwa mongwagwe. Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e tlhaolosang le gouta mo leisong la moubo, mme Morena o leka dipelo jalo. Mosenyi o reetsa molomo o o tsietsang; moaki o utlwelela loleme lo lo bolotsana. Yo o sotlang mohumanegi o kgala Modiri wa gagwe; yo o itumelelang kotsi ya yo mongwe ga a nke a tlhoka petso. Serwalo sa tlotlo sa batsofe ke bana ba bana; bana ba tlotlega ka borraabo. Puo e e maatlametlo e rona lesilo; bogolo jang puo ya maaka e rona motlotlegi! Thelesetso ke taemane ya tlhogonolo mo matlhong a mong wa yona; le fa a ya kae, e ntse e mo tsweletsa pele. Yo o bipang boleo jwa yo mongwe o batla thatano; mme yo o tsosang kgang gape o kgaoganya ditsala. Kgalemelo e thusa motlhalefi go feta dipetso tse di lekgolo mo lesilong. Serukhutlhi se batla tse di bosula fela, mme se tla romelwa morongwi yo o setlhogo. Go kaone go kgatlhana le senonnori se se thukhuthilweng bana bogolo go go kgatlhana le lesilo le le mo bosilong jwa lone. Yo o duelang molemo ka bosula, tatlhego ga e nke e tlogela ntlo ya gagwe. Yo o simololang kgang o tshwana le yo o thibololang metsi; ka moo tlogela ntwa e ise e simologe. Yo o atlholang a re: “Moikepi o siame;” le yo o reng: “Mosiami o molato.” Ba tena Morena ka bobedi jwa bone. Ke ka ntlha ya eng, fa go le madi mo seatleng sa lesilo a a ka rekang botlhale? Mme kana ga le na tlhaloganyo. Tsala e nthata ka nako nngwe le nngwe; mme ke morwa-rre fela yo o ntsaletsweng sebaka sa tlalelo. Motho yo o se nang tlhaloganyo ke yo o ipofang ka seatla go lefela yo mongwe yo o emelang mongwe-ka-ene. Yo o ratang komano o rata boleo; yo o tlotlomatsang setswalo sa gagwe o batala thubego. Yo o pelo e sokameng ga a bone tlhogonolo epe; wa loleme lo lo bolotsana o tla wela mo kotsing. Yo o tsalang lesilo o na le tshwenyego; seeleele, rraaso ga a nke a itumela. Pelo e e thabileng e itse go fodisa, mme mowa o o imetsweng o omeletsa marapo. Moikepi o amogelela neo e e faposang sephiring go sokamisa ditselana tsa tshiamo. Yo o nang le tlhaloganyo o lebile botlhale, mme matlho a lesilo a lebile kwa bokhutlong jwa lefatshe. Mosimane yo o boeleele o ngadisa rraagwe le go utlwisa yo o mmelegeng botlhoko jo bo galakang. Go lefisa yo o siameng ga go molemo, mme go itaya batlotlegi ke bosula jo bo fetang joo. Yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso; le yo o mowa o iketlileng ke monna yo o nang le tlhaloganyo. Le lesilo, fa le didimala, le ka kaiwa letlhale; fa le moma molomo wa lone, ba ka re: “Le na le tlhaloganyo.” Yo o ikgaoganyang le ba bangwe o batla boithatelo fela; o lwantsha tsotlhe tse di tsweletsang pele. Lesilo ga le kgatlhwe ke tlhaloganyo, mme le rata go senola pelo ya lone. Fa go tla moikepi, le nyatso e tla nae le nyatsego e e bapileng le kgobo. Mafoko a monna wa nnete ke metsi a bodiba, ke noka e e elang, ke motswedi wa botlhale. Go goga le moikepi ga go a siama, le e seng go siamololela mosiami mo tshekong. Molomo wa lesilo o tsosa ntwa; molomo wa lone o ipiletsa dithupa. Molomo wa lesilo o le isa tatlhegong molomo wa lone ke seru se se thaisang bophelo jwa lone. Mafoko a mosenya-leina a tshwana le dijo tse di mafura tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe. Le ene yo o botlapa mo tirong ya gagwe ke monnaa mosenyi. Leina la Morena ke phemelo e e tiileng; mosiami o tshabela teng a sirelediwa. Khumo ya mohumi ke motse o o femetsweng mo go ene, ke lobota lo lo godimo mo megopolong ya gagwe. Boikgodiso jwa pelo ya motho bo etelela tatlhego ya gagwe pele, mme boikokobetso bo latelwa ke tlotlego. Fa motho a araba a ise a utlwe potso, ke bosilo le ditlhong mo go ene. Monna yo o pelokgale o itshokela bolwetse jwa gagwe; mme mowa o o imetsweng, ke mang yo o ka o tsosang? Pelo ya motlhalefi e ntse e ithutela pele; ditsebe tsa matlhale di batla kitso. Neo e motho o e ntshang e mmulela tsela, e mo fitlhisa fa pele ga ba bagolo. Mmegi wa molato e kete o siame mo tshekong ya gagwe, mme go tla tla mongwe-ka-ene a mmotsolotsa. Tengwa e khutlisa diphapaang, e kgaoganya ba ba thata. Morwa motho yo o leofetsweng o thata bogolo go motse o o femetsweng; letlhoo le tshwana le phemelo ya ntlo ya borena. Mpa ya motho e tla kgora leungo la molomo wa gagwe; o tla kgora kotulo ya tse a di jwetseng ka molomo wa gagwe. Loso le bophelo di mo thateng ya loleme; ba ba ratang go bua ka lone ba tla ja leungo la lone. Yo o bonyeng mosadi o bonye se se molemo; o filwe tlhogonolo ke Morena. Mohumanegi o bua ka mokokotlelo, mme mohumi o araba ka bopeloethata. Balekane ba motho ba ka mo isa mo tatlhegong; mme go ka nna le tsala e e kgomarelang motho bogolo go morwa-rraagwe. Mohumanegi yo o sepelang mo poifong-Modimo o molemo bogolo go yo o molomo o bolotsana yo e leng lesilo. Le keletso e e se nang kitso ga e molemo, le yo o itlhaganelang ka dinao o tla timela. Boeleele jwa motho bo sokamisa tsela ya gagwe, mme pelo ya gagwe e ngongoregele Morena. Khumo e okeletsa motho ditsala tse dintsi, mme yo mmotlana o tlogelwa ke tsala ya gagwe. Mosupi yo e seng wa nnete ga a nke a tlhoka petso; yo o buang maaka ga a nke a falola. Ba bantsi ba batla go kgatlha motlotlegi; yo o ntshang dineo mongwe le mongwe ke tsala ya gagwe. Bomorwa-rraagwe mohumanegi ba mo tlhoa botlhe; ditsala tsa gagwe di mo katogile bogolo go bone; o ba tlhaeletsa kwa morago, mme ga ba tle. Yo o ithutang o rata bophelo jwa gagwe; yo o bolokang kelelelo o tla bona tse di molemo. Mosupi wa maaka ga a nke a tlhoka petso; yo o buang tse e seng tsona o tla latlhega. Go phela sentle go rona lesilo; go rona bogolo jang, fa motlhanka a ka laola barena. Botlhale jwa motho bo mo dira pelotelele; ke tlotlo ya gagwe, fa a itshwarela maleo. Kgakalo ya kgosi e tshwana le go bôpa ga tawana; mme bopelontle jwa yona bo ntse jaaka monyo mo dijwalong. Mosimane yo o boeleele ke tshenyegelo ya ga rraagwe; mme go omana ga mosadi ke thulelo e e ntseng e na ka gale. Ntlo le dithoto ke boswa jwa borraabatho; mme mosadi yo o maatlametlo o tswa mo Moreneng. Botlapa bo a thulametsa; mme yo o itunnang o tla bolawa ke tlala. Yo o tshegetsang taolo ya Modimo o a ipoloka; mme yo o nyatsang ditsela tsa ona o tla swa. Yo o tlhomogelang yo mmotlana pelo o adima Morena; ene o tla mo duelela thuso ya gagwe. Otla morwao, tsholofelo ya tlhabologo e ntse e le teng, mme o se ka wa mo neela mo go bolaweng. Yo o galefang thata o na le go lefisiwa; fa o mo golola, o tla etegela, a senyetsa pele. Utlwa kgakololo o amogele kgalemelo gore o tle o nne yo o tlhalefileng mo metlheng e e tlang. Pelo ya motho e loga maano a mantsi; mme maikaelelo a Morena ke ona a a tla dirafalang. Khumo e ntle ya motho ke boikanyego jwa gagwe; mohumanegi o molemo bogolo go moaki. Go boifa Morena go isa bophelong; motho yo o ntseng jalo o tla kgora, a lala a sa tlelwe ke bosula bope. Motlapa o tsenya seatla mo mogopong, mme a palelwa ke go se isa kwa molomong. Yo o sa tlhalefang o tla tlhalefa, fa o otla mosotli; fa motlhalefi a kgalemelwa, o tla tlhaloganya kitso. Yo o gatelelang rraagwe, a leleka mmaagwe, ke ngwana yo o tlhabisang ditlhong yo o nyatsegang. Morwaaka, bogolo khutlela thuto, ka o ntse o fapoga mo mafokong a kitso. Mosupi wa sekebeke o sotla tshiamo; melomo ya baikepi e natefelwa ke tsietso. Petso ya dikatlholo e baakanyeditswe basotli le dikotlo di baakanyeditswe metlhana ya masilo. Weine ke mosotli, bojalwa ke motsosa-loratla; botlhe ba ba theekelang ka tsona ga ba botlhale. Mafoko a kgosi a a tshosang a tshwana le go bôpa ga tawana; yo o e gakatsang o itshenyetsa bophelo. Go nna kgakala le phapaang ke tlotlo ya monna, mme seeleele sengwe le sengwe se simolola ntwa. Motlapa ga o leme mariga; mme e tle e re mo kotulong a batle dijo, o se ke o bone sepe. Maikaelelo a pelo ya monna ke metsi a bodiba; a giwa ke monna yo o tlhalefileng. Batho ba bantsi ga twe ba lorato, mme ke mang yo o bonang monna yo o ikanyegang? Mosiami yo o sepelang mo poifong-Modimo bana ba gagwe ba tla nna tlhogonolo sehularong sa gagwe. Kgosi e e ntseng mo sedulong sa katlholo e a fefera, e tlosa bosula jotlhe ka matlho a yona. Ke mang yo o ka reng: “Ke tlhapile pelo, ke itshekile, ga ke na boleo”? Bobedi jwa dilekanyetso le jwa dielo tse di tsietsang ke maila fa pele ga Morena ka bobedi jwa tsona. Le ene mosimane o a tle a ipontshe ka ditiro tsa gagwe, fa maitsholo a gagwe e le a a phepa le a nnete gongwe nnyaya. Tsebe e e utlwang le leitlho le le bonang, Morena o di dirile ka bobedi jwa tsona. Se rate boroko, e se re gongwe wa humanega; buduloga matlho, foo o tla kgora dijo. Moreki o a tle a re: “Ga di a siama! Ga di a siama!” Mme e re a sena go tsamaya, a ipoke. Le fa go na le gouta le bontsi jwa ditalama tsa dikorala, tseo tsotlhe di phalwa ke molomo o o botlhale. Mo amoge kobo ya gagwe, gonne o ipofile go lefela yo mongwe; mo tsee a nne peeletso mo boemong jwa baeng. Dijo tsa tsietso di monate mo mothong, mme morago ga moo molomo wa gagwe o tlala makgwarana. Maano a tla tlhomama ka kgakololano; dira ntwa ka tsamaiso ya botlhale. Mosenya-leina o bolela tse o di sebetsweng; ka moo se tlwaelane le mmuabui. Yo o rogang rraagwe gongwe mmaagwe, lobone lwa gagwe lo tla tima mo nakong ya lefifi. Boswa jo bo batlwang ka potlako mo tshimologong bo tla tlhoka tshegofatso mo bokhutlong. Se re: “Ke tla ipusolosetsa bosula!” Letela Morena, o tla go thusa. Makete a mabedi ke maila Moreneng; selekanyetso sa tsietso ga se a siama. Morena ke ene o tsamaisang dikgato tsa monna; motho o ka tlhaloganya jang tsela ya gagwe? Ke seru mo mothong, fa a itlhaganela a re: “Ke tla se naya Morena,” mme e re a sena go ikana jalo e be e le gona a ikakanyang. Kgosi e e botlhale e fefera baikepi, e tsamaisa leotwana le le phothang mo go bone. Mowa wa motho ke lobone lwa Morena lo lo tlhotlhomisang dikarolo tsotlhe tsa mmele. Lorato le boammaaruri di boloka kgosi; e tshegetsa sedulo sa yona sa bogosi ka lorato. Bontle jwa makau ke thata ya ona; mokgabo wa banna bagolo ke tlhogo tse dipududu. Dintho tse di tswang madi di tlhabolosa modira-bosula; dikotlo di tlhabolosa maikutlo a mmele. Pelo ya kgosi e tshwana le mesele ya metsi mo diatleng tsa Morena; o e isa gongwe le gongwe kwa a ratang teng. Tsela nngwe le nngwe ya motho e tlhamaletse mo matlhong a gagwe, mme Morena ene o sekaseka dipelo. Go dira ka tshiamo le ka tshwanelo go kgatlha Morena bogolo go setlhabelo. Sefatlhego sa boikgodiso le pelo ya boikgantsho tse e leng go ikgatlha ga baikepi ke boleo fela. Dikakanyo tsa yo o tlhaga di tsweletsa pele; mme yo o potlakang o itlhokisa fela. Go batla mahumo ka loleme lwa maaka ke go latela boithamako jo bo isang losong. Go gatelela ga baikepi go a ba golafatsa, gonne ba gana go dira tse di siameng. Tsamao ya monna yo o molato e masokasoke, mme yo o phepa tiro ya gagwe e siame. Go nna mo sekhutlong godimo ga ntlo go phala go nna mo ntlong mmogo le mosadi yo o omanang. Pelo ya moikepi e eletsa bosula; ga a tlhomogele mongwe-ka-ene pelo. Go otla mosotli ke go tlhalefisa yo o iseng a tlhalefe; mme letlhale le amogela kitso, fa le rutwa fela. Yo o leng tshiamo o tlhokomela ntlo ya moikepi; o digela baikepi mo tatlhegong. Yo o thibang tsebe gore a se utlwe go goa ga yo mmotlana, le ene e tla re a goa, a se ke a utlwiwe. Mpho ya sephiri e tima bogale; thelesetso kobong e tima kgakalo e kgolo. Ke boitumelo jwa mosiami, fa go dirwa ka tshiamo; mme mo go ba ba dirang tsa bolotsana ke therego. Motho yo o fapogang mo tseleng ya tlhaloganyo o tla akofa a lala mo phuthegong ya baswi. Yo o ratang botlhapelwa o tla tlhoka; yo o ratang weine le setlolo ga a nke a huma. Serekololo sa mosiami ke moikepi; mo boemong jwa ba nnete go tla molotsana. Go botoka go nna mo lefatsheng la sekaka bogolo go go nna le mosadi yo o omanang yo o ngongoregang ka metlha. Khumo e ntlentle le lookwane di mo lapeng la yo o botlhale, mme motho yo o bosilo o a di senya. Yo o latelang tshiamo le lorato o tla bona bophelo le pholoso le tlotlego. Letlhale le fenya motse wa bagale; le diga phemelo e ba neng ba e ikanya. Yo o disang molomo wa gagwe le loleme lwa gagwe o iphemela gore a se tsene mo ditlalelong. Yo o ikgantshang, yo o ikgogomosang, leina la gagwe ke mosotli; o dira ka boikgantsho jo bo se nang tekanyo. Keletso ya setshwakga e a se bolaya gonne diatla tsa sona di gana go dira. Yo o pelotshetlha o eletsa letsatsi lotlhe, mme mosiami o a fa, ga a timane. Setlhabelo sa moikepi ke maila Moreneng; bogolo fa a se tlisa ka maano a a bosula. Mosupi wa maaka o tla latlhega; mme motho yo o utlwileng mafoko o tla bua tse di tlhomameng. Moikepi o sefatlhego se matepe, mme wa nnete o siamisa tsamao ya gagwe. Ga go na botlhale le e seng tlhaloganyo le e seng maano tse Morena a ka kgonwang ka tsona. Pitse e etleeleditswe letsatsi la tlhabano; mme phenyo yona e tswa mo Moreneng. Leina le le molemo le phala khumo e kgolo; go ratwa go gaisa selefera le gouta. Mohumi le mohumanegi ba a phedisanya; Morena o ba dirile botlhe. E a re letlhale le bona dikotsi, le iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fetele pele, ba wele tatlhegong. Tuelo ya boikokobetso le ya go boifa Morena ke khumo le tlotlo le bophelo. Mitlwa le diru di mo tseleng ya yo o sokameng; yo o bolokang bophelo jwa gagwe o a di katoga. Tlwaetsa mosimane tsamao e e mo tshwanetseng; foo ga a kitla a fapoga mo go yona, le fa a tsofetse. Mohumi o laola bahumanegi; moadingwi ke motlhanka wa moadimi. Yo o jwalang tshiamololo o tla roba tatlhego; thupa ya kgalefo ya gagwe e tla itaya ene. Yo o matlho-a-lorato o tla tshegofadiwa; gonne o nathetse ba ba tlhokang bogobe jwa gagwe. Leleka mosotli; foo dikgang di tla fela; go seka le go nyatsa go tla khutla. Morena o rata yo o pelo e phepa; kgosi ke tsala ya yo o e kgatlhang ka puo. Matlho a Morena a boloka tse o di bonyeng, mme o tla diga mafoko a molotsana. Motlapa o a re: “Tau e ka fa ntle; nka bolawa mo dipatlelong.” Melomo ya basadi ba sele ke gopo e e boteng; yo Morena o mo galefetseng o tla wela mo go yona. Fa bosilo bo palelela mo pelong ya mosimane, thupa ya kotlo e tla bo ntsha mo go ene. Go gatelela yo mmotlana ke go mo humisa; go naya mohumi ke go mo tlhokisa fela. Tlhwaya tsebe, o utlwe mafoko a matlhale, o ele kitso ya me tlhoko. Ee, go gontle, fa o a boloka mo maikutlong a gago; foo aotlhe a tla bo a bopetswe molomo wa gago. Ke ruta wena kajeno gore o tle o ikanye Morena ka wesi. Kana ke go kwaletse diane tse di nang le dikgakololo le kitso, go go ruta nnete le mafoko a a ikanyegang gore o tle o arabe yo o go botsang ka mafoko a boammaaruri. Se thukhuthe yo mmotlana, ka a le mmotlana; le gona se gatelele mmogisegi mo lekgotleng. Gonne Morena o tla ba emela mo tshekong, mme bathukhuthi ba bone o tla ba thukhutha bophelo. Se tsalane le yo o mabifi; se kopane le monna yo o pelo-khutshwane, e se re gongwe wa tlwaela mekgwa ya gagwe, wa thaela bophelo jwa gago seru. Se nne le ba ba ikanang ka letsogo, ba ba ipofang go emela melato ya ba bangwe. Kana fa o palelwa ke go lefa, bolao jwa gago bo tla tsewa ka fa tlase ga gago. Se sutise molelwane wa bogologolo o borraago ba o segileng. Fa o bona monna e le setswerere mo tirong ya gagwe, ene o ka direla dikgosi; ga se yo o ka direlang ba e leng batho fela. E re fa o nna fatshe go ja le mmusi, o gopole sentle yo o fa pele ga gago; o itshware setho, le fa o le tlalakgolo. Se eletse matlotlwa a a monate a gagwe; gonne ke dijo tse di tsietsang. Se tshwenyegele go huma; tlogela maano a teng. A o tla tlhoma matlho mo lehumong? Le tla tloga le nyelela! Gonne le itirela diphuka le fofela kwa legodimong jaaka lenong. Se je dijo tsa yo o lefufa; se eletse dijo tse di monate tsa gagwe. Gonne o ntse jaaka a akanya mo pelong. Ka molomo o go raya a re: “Jaa, o nwe!” mme pelo ya gagwe yona ga e ree jalo. Thathana e ò e jeleng ò tla e tlhatsa; mafoko a tebogo a gago ò tla bo ò a buetse lefela. Se bue mo tsebeng ya seleele, gonne se tla nyatsa botlhale jwa mafoko a gago. Se sutise molelwane wa bogologolo; se tseele masiela masimo a ona. Gonne moemedi wa ona o thata; ene o tla a emela kgatlhanong le wena. Neela pelo ya gago mo thutong le ditsebe tsa gago mo mafokong a kitso. Se tlhokise mosimane kotlo; fa o mo itaya ka thupa ga a kitla a a swa. Ka go mo itaya ka thupa o tla faposa bophelo jwa gagwe mo felong ga baswi. Morwaaka, fa pelo ya gago e tlhalefa, pelo ya me le yona e tla itumela. Maikutlo a me a tla ipela, fa molomo wa gago o bua tse di siameng. A pelo ya gago e se fufegele baleofi, mme a e tlhoafalele poifo-Morena ka metlha. Gonne fa ò e boloka, tswelelopele e tla nna teng; mme tsholofelo ya gago ga e kitla e nyelela. Wena morwaaka, reetsa ò tlhalefe! Tsamaisa pelo ya gago mo tseleng e e tlhamaletseng. Se nne le banwi ba bojalwa ba ba megagaru mo go jeng nama. Gonne monwi le moji ba tla humanega. Go se kgathale sepe go apesa motho dikata. Utlwa rraago yo o go tsetseng; se nyatse mmaago, fa a sena go tsofala. Reka boammaaruri, mme o se bo rekise; reka le botlhale le thuto le tlhaloganyo. Rraagwe mosiami o ipela thata; motsadi wa letlhale o a le itumelela. A go itumele rraago le mmaago; yo o go belegeng a a duduetse. Morwaaka, nneele pelo ya gago! A matlho a gago a kgatlhwe ke ditsela tsa me! Gonne seaka ke gopo e e boteng; mosadi wa seotswa ke sediba se se pitlaganyeng. Le gona o lalela batho jaaka senokwane; o atisa bolotsana mo bathong. Tatlhego ke ya ga mang? Tlalelo ke ya ga mang? Dintwa ke tsa ga mang? Selelo ke sa ga mang? Dintho tsa bomo ke tsa ga mang? Matlho a a leoto ke a ga mang? Ke tsa ba ba lalang kwa bojalweng; ke tsa ba ba tlang go utlwa dino tse di tagang. Se kgatlhwe ke bohibidu jwa weine, fa e phatsima mo senwelong! E nowa e le monate thata, mme morago e loma jaaka noga; e go jwela ka botlhole jaaka kake. Matlho a gago a tla bona dilo tse di seng gona; pelo ya gago e tla go buisa tse di sokameng. O tla nna jaaka e kete o robetse mo gare ga lewatle le jaaka yo o robetseng mo godimo ga pinagare ya mokoro. O re: “Ba ntiteile, ga ke a utlwa botlhoko; ba nkotlile, ga ke a lemoga. Ke tla tsoga leng ke tle ke e batle go nwa gape.” Se fufegele dilo tsa ba ba bosula; se eletse go tshwana nabo. Gonne dipelo tsa bone di akanya kgatelelo; melomo ya bone e bua tse di isang mo tatlhegong. Ntlo e agiwa ka botlhale; e thewa sentle ka maatlametlo, mme ka kitso matlwana a yona a tlala dithoto tsa mefutafuta tse di tlhwatlhwa e kgolo le tse dintle. Letlhale le thata bogolo go seganka; yo o nang le kitso o thata bogolo go yo o dikgoka. Gonne ò tla itse go lwa ntwa ka dikgakololo tse di botlhale; phenyo e bonwa ka bontsi jwa bagakolodi. Tsa botlhale di palela seeleele; mo lekgotleng se tlhoka puo. Yo o logang maano a go dira bosula o tla bidiwa Rra-bolotsana. Boleo ke maikaelelo a bosilo; mosotli o ilega mo bathong. Fa o nyema moko ka letsatsi la tlalelo, thata ya gago e tla bo e se ya sepe. Pholosa ba ba gogelwang losong! Thibela ba ba theekelelang go ya go bolawa. Fa o ka re: “Ke ne ke sa itse,” ona o o bonang dipelo a ga o kitla o lemoga? Ona o o disang bophelo jwa gago o a itse. O direla motho ka fa tirong ya gagwe. Morwaaka, jaa lomepe lwa dinotshe, gonne lo monate; mafura a dinotshe a botshe mo magalapeng a gago. Itse gore botlhale bo ntse jalo mo moweng wa gago. Fa o bo bona, tswelelopele e tla nna teng, mme tsholofelo ya gago ga e kitla e nyelela. Wena moikepi, se lalele lelapa la mosiami; se senye legae la gagwe. Le fa mosiami a ka wa gasupa, o tla nna a tsoga gape; mme baikepi bone ba wela mo tatlhegong. Fa mmaba wa gago a wa, se itumele; fa a digwa, a pelo ya gago e se duduetse, e se re gongwe Morena a bona, mme ga nna bosula mo matlhong a gagwe, a busa bogale jwa gagwe mo go ene. Se tukele basenyi bogale; se fufegele baikepi gonne yo o bosula ga a tswelele pele; lesedi la baikepi le tla tima. Morwaaka, boifa Morena le kgosi; se tlwaelane le dirukhutlhi. Gonne tatlhego ya tsona e tla dirafala ka tshoganyetso, sebaka sa tshenyego ya tsona se itsiwe ke mang? Diane tse di latelang fa le tsona ke tsa batlhalefi: Go gobelelela motho mo tshekong ga go a siama. Yo o rayang moikepi a re: “O siame!” ene, batho ba tla mo rogaka, merafe e tla mo hutsa. Go ratega ba ba mo atlholang ka tshiamo; lesego le letlhogonolo di tla ba dirafalela. Yo o ntshang dikarabo tse di siameng o atla molomo. Fetsa tiro ya gago e e kwa ntle, o leme tshimo ya gago; morago ga moo o ka aga ntlo ya gago. Se pateletse mongwe-ka-wena ka bomo! A ò tshwanetse go timetsa batho ka molomo wa gago? Se re: “Ke tla mo direla se a se ntiretseng; ke busolosetsa monna ka fa tirong ya gagwe.” Nkile ka feta kwa tshimong ya motlapa kwa tshimong ya moweine ya motho yo o se nang tlhaloganyo. Ka fitlhela e tlhogile mefero gotlhe, e khurumeditswe ke mokolonyane, lorako lwa matlapa lwa yona lo digilwe. Ka leba, ka ela tlhoko, ka bona, ka fitlhela e le thuto e e reng: Fa o robala go le gonnye, o otsela go le gonnye, o repisa diatla go le gonnye go ikhutsa, khumanego ya gago e tla tla jaaka senokwane le lehuma la gago jaaka motlhabani. Diane tse di latelang fa le tsona ke tsa ga Salomo; di kgobokantswe ke banna ba ga Hesekia kgosi ya Juta. Ke tlotlo ya Modimo go loba mafoko; ke tlotlo ya dikgosi go tlhotlhomisa mafoko go a senola. Bogodimo jwa legodimo le boteng jwa lefatshe le dipelo tsa dikgosi ga di ka ke tsa tlhotlhomisiwa. Fa manyela a okolwa mo selefereng, sebopiwa sa mogakolosi se tla tswa sentle: A moikepi a tlosiwe jalo fa pele ga kgosi; foo sedulo sa bogosi sa yona se tla tlhomamisiwa ka tshiamo. Se ipoke fa pele ga kgosi; se eme mo maemong a ba bagolo! Gonne go bolelelwa go twe: “Tlhatlogela kwano!” go phala go kokobediwa fa pele ga motlotlegi yo ò mmonang ka matlho a gago. Ò se ka wa potlaka go ya go seka, e se re gongwe morago ga moo wa tlhoka go itse se ò ka se dirang, fa mongwe-ka-wena a go tlhabisa ditlhong. Seka kgang ya gago le mongwe-ka-wena, mme ò se ka wa senola sephiri sa yo mongwe, e se re gongwe ba ba utlwang jalo ba go kgoba, mme nyatsego ya gago ya se ka ya khutla. Lefoko le le buiwang ka nako ya lone le tshwana le dinamune tsa gouta tse di mo megopong ya selefera. Mokgalemi yo o botlhale mo tsebeng ya yo o utlwang ke lenyena la gouta le mokgabo wa gouta e e sa pekwang. Morongwi yo o ikanyegang o tshwana le maruru a semathana mo bolelong jwa kotulo mo go ba ba mo romileng; gonne o lapolosa mowa wa morena wa gagwe. Monna yo o ipokang ka dineo, mme a sa di ntshe, o tshwana le maru le phefo tse di sa neseng pula. Kgosi e e bogale e kgonwa ka bopelotelele; loleme lo lo bonolo lo roba marapo. Fa ò bonye mafura a dinotshe, ò je a a go lekanyeng fela, e se re gongwe a go tena, mme wa a tlhatsa. Ò se ka wa ya gantsi kwa ntlong ya mongwe-ka-wena, e se re gongwe wa mo tena, mme a go tlhoa. Monna yo o supang maaka ka ga mongwe-ka-ene ke molamu le tšhaka le motswi o o bogale. Go ikanya molotsana ka letsatsi la tlalelo ke go ikanya leino le le bodileng le lekoto le le relelang. Go opelela yo o pelo-e-botlhoko difela go tshwana le go apola diaparo ka letsatsi le le maruru le go tshela se se botlhoko mo dinthong. Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fe dijo; fa a nyorilwe, mo nose metsi. Gonne o tla bo o tlhatlaganya magala mo tlhogong ya gagwe, mme Morena o tla go duela. Phefo ya bokone e tlisa pula; loleme lo lo sebang lo ngadisa difatlhego. Go nna mo sekhutlong mo godimo ga ntlo go phala go nna mo ntlong mmogo le mosadi yo o omanang. Mafoko a a molemo a a tswang mo lefatsheng le le kgakala ke metsi a a maruru mo go yo o nyorilweng. Mosiami yo o fenngwang ke moikepi ke motswedi o o gatakilweng, ke sediba se se kgoberegileng. Go ja mafura a dinotshe thata ga go molemo; go tlhotlhomisa tse di thata go isa mo bothateng. Monna yo o sa itseng go itshwara ke motse o o phuntsweng lobota. Tlotlo e rona lesilo jaaka semathana se rona mo selemong le jaaka pula e rona mo kotulong. Thogako e e se nang lebaka ga e kitla e dirafala; e tshwana le thaga e e timelang le peolwane e e fofang e tloga. Seme se lebanye pitse le mogala esele, le thupa metlhana ya dieleele. Se arabe lesilo ka fa bosilong jwa lone, e se re gongwe le wena wa tshwana nalo. Mme fetola lesilo tse di tshwanetseng bosilo jwa lone gore le se ka la itshema letlhale. Yo o romelang mafoko ka lesilo o ikgaola maoto, o a siamololelwa. Seane mo melomong ya masilo se tshwana le maoto a segole a a repileng. Yo o tlotlang lesilo o tshwana le yo o bofelelang letlapa mo go seragamajwe. Seane melomong ya masilo ke letlhaku la mitlwa mo seatleng sa letagwa. Yo o rapang lesilo le bafeti ke mohudi yo o ntshang botlhe dintho. Lesilo le le boelelang bosilo jwa lone le tshwana le ntšwa e e boelang go ja matlhatsa a yona. Fa o bona monna yo o ikayang botlhale, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene. Setshwakga se a re: “Ledumedi le mo tseleng; tau e mo dipatlelong.” Motlapa o fetoga mo bolaong jwa ona jaaka setswalo se akgega mo mapegong a sona. Motlapa o tsenya seatla sa ona mo mogopong; mme go se isa kwa molomong go a o palela. Sebodu se itshema letlhale bogolo go banna ba supa ba ba itseng go araba sentle. Yo o itsenyang mo ntweng e e seng ya gagwe o tshwara ntšwa e e fetang ka ditsebe. Setsenwa se hula dirumola le metswi e e bolayang. Monna yo o tsietsang mongwe-ka-ene o ipata ka go re: “Kana ke tshameka fela,” o tshwana naso. Molelo o a tima, fa dikgong di fedile; phapaang e a khutla, fa go se na molotlhanyi. Monna wa phapaang o tsosa ntwa jaaka moubo o tukisa magala le dikgong di tukisa molelo. Mafoko a yo o senyang leina a tshwana le dijo tse di monate tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe. Fa molomo o tuka lorato, mme pelo e ntse e le mpe, ke lobeana fela lo lo manegilweng manyela a selefera. Motlhoi o itira morati ka molomo wa gagwe, mme o na le tsietso ka kwa teng. Fa a utlwatsa lentswe la lorato, se mo ikanye; gonne o na le bosupa jwa makgapha mo pelong ya gagwe. Le fa letlhoo le ka iphitlha ka tsietso, bosula jwa lone bo tla bonala mo phuthegong. Yo o epang lemena o tla wela mo go lone; yo o kgokolosang lefika o tla bolawa ke lone. Molomo wa maaka o tlhoa ba o ba pšhwetlileng; loleme lo lo borethe lo isa mo tatlhegong. Se ipoke ka tsa letsatsi la kamoso; gonne ga o itse tse letsatsi le tla di tlisang. A yo mongwe a go tumise, e seng molomo wa gago; o sele, e seng loleme lwa gago! Lefika le makete, motlhaba ke morwalo, mme go ngadisiwa ke lesilo go makete go di gaisa ka bobedi jwa tsona. Kgalefo e setlhogo, bogale bo a bela, mme lefufa lone le ka kgonwa ke mang? Kgalemelo ponatshegong e phala lorato lo lo fitlhegileng. Dintho tse di ntshitsweng ke morati di a ikanyega, mme dikatlo tsa motlhoi di a aketsa. Yo o kgotsheng o gataka mafura a dinotshe, mme tsotlhe tse di galakang di monate mo go yo o tlala. Monna yo o thobileng mo gae, a kgarakgatshega, o tshwana le nonyane e e kobilweng mo sentlhageng sa yona. Lookwane le maswalo di thabisa pelo; monate wa tsala ya motho ke kgakololo ya pelo ya gagwe. Se tlogele tsala ya gago le tsala ya ga rraago; se tsene mo ntlong ya ga morwa-rraago ka letsatsi la tatlhego ya gago. Moagammogo yo o gaufi o gaisa morwa-rraago yo o kgakala. Ngwanaka, tlhalefa o thabise pelo ya me gore ke tle ke itse go fetola yo o nkgobang. E a re letlhale le bona dikotsi, le iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fetele pele, ba wele tatlhegong. Mo amoge kobo, gonne o ipofile go lefela yo mongwe; tsaya peeletso mo go ene ka ntlha ya baeng. Yo o tshegofatsang mongwe-ka-ene ka lentswe le legolo mo mosong phakela o tla belaelwa gore o a rogaka. Thulelo e e rothang ka letsatsi la pula e tshwana le mosadi yo o tlholang a omanye. Yo o ka mo thibelang a ka thibela phefo le go tshwara lookwane ka seatla se se jang. Tshipi e loodiwa ka tshipi; motho le ene o betlwa ke yo mongwe. Yo o tlhokomelang setlhare sa feie o tla ja maungo a sona; yo o direlang morena wa gagwe o tla tlotlwa. Sefatlhego se ipona mo metsing; pelo ya motho e ipona jalo ka ya yo mongwe. Ga go kgore felo ga baswi le ga tatlhego; matlho a batho le ona ga a kgore. Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e gakolosang le gouta mo leisong le monna ka melomo ya ba ba mmokang. Le fa o ka tlhobola seeleele mmogo le mabele mo kikeng ka motshe, ga se kitla se tlogela boeleele jwa sona. Ela dinku tsa gago tlhoko thata gore di phela jang; o tsee matlhape tsia; gonne khumo ga se ya bosakhutleng; a kampo serwalo sa bogosi ke sa ditshika tsotlhe? E tla re fa bojang bo segilwe, fa go bonala botala jo bonana, fa merogo ya dithaba e phuthilwe, o bo o na le dikwana tse di go apesang; o ka reka tshimo ka diphelehu. Mašwi a dipodi a tla bo a lekanye go go jesa le ba lapa la gago le go phedisa malata a gago. Baikepi ba a tshaba, le fa go se na ope yo o ba lateletseng, mme basiami ba pelokgale jaaka tawana. Dikgosi tsa morafe di latelana ka pele ka ntlha ya maleo a ona, mme tshiamo e tlhomama ka batho ba ba nang le tlhaloganyo le kitso. Monna yo e leng tlhogo, yo o gatelelang ba babotlana, o tshwana le pula e e gogolang fela e e sa tsiseng dijo. Ba ba tlogelang molao ba boka baikepi, mme ba ba tshegetsang molao ba a ba galefela. Batho ba ba bosula ga ba tlhaloganye tshiamo, mme ba ba batlang Morena ba tlhaloganya tsotlhe. Mohumanegi yo o sepelang ka poifo-Modimo o molemo bogolo go mohumi yo o sokameng, ka a le tsela-pedi. Yo o tshegetsang molao ke ngwana yo o tlhalefileng, mme yo o tsalanang le difafalele o tlhabisa rraagwe ditlhong. Yo o kokotletsang di-tsa-gagwe ka tsadiso ya madi gongwe ka kgwebo o phuthela yo o tla tlhomogelang batlhoki pelo. Yo o ithibang ditsebe gore a se ka a utlwa molao, thapelo ya gagwe le yona ke maila. Yo o faposetsang ba nnete kwa tseleng e e bosula o tla wela mo lemeneng la gagwe ka esi, mme ba ba tletseng tumelo ba tla ja boswa jwa tse di molemo. Monna yo o humileng o itshema letlhale; mme modidi yo o nang le tlhaloganyo o a mo lemoga. Fa basiami ba duduetsa, ke kgalalelo e kgolo; mme fa baikepi ba tsoga, batho ba iphitlha. Yo o lobang maleo a gagwe ga a kitla a kgona sepe; mme yo o a ipobolang, a a bakela, o tla tlhomogelwa pelo. Go sego motho yo o boifang Modimo ka gale, mme yo o thatafatsang pelo ya gagwe o tla wela mo tatlhegong. Moikepi yo o busang batho ba babotlana ke tau e e bôpang le bere e e tsomang. Molaodi yo o tlhokang tlhaloganyo ke mogateledi yo mogolo, mme yo o ilang kgwebo ya tshiamololo o tla phela ka boleele. Motho yo o imelwang ke molato wa go bolaya motho o tla nna motshabi go fitlha lebitleng; se mo thuseng. Yo o sepelang ka poifo-Modimo o tla phologa, mme yo o sokameng, a le tsela-pedi o tla wela mo gopong. Yo o lemang tshimo ya gagwe o tla kgora bogobe, mme yo o latelang tse di se nang mosola o tla bona khumanego fela. Monna yo o ikanyegang o tla bona ditshegofatso tse dikgolo, mme yo o potlakelang go huma ga a nke a tlhoka kotlo. Go gobelelela motho ga go a siama. Monna o ka tlogela tshiamo le ka ntlha ya thathana ya bogobe fela. Monna wa leitlho la lefufa o potlakela go huma, mme ga a itse gore lehuma le tla mo wela. Yo o kgalemelelang motho boleo o tla ratwa morago bogolo go motho wa loleme lo lo borethe. Yo o thukhuthang rraagwe gongwe mmaagwe, mme a re: “Ga se boleo!” ke ene molekane wa mosenyi. Yo o pelotshetlha o tsosa dintwa, mme yo o ikanyang Morena o tla lapolosiwa. Yo o ikanyang tlhaloganyo ya gagwe ke seeleele, mme yo o sepelang ka botlhale o tla phologa. Yo o abelang mohumanegi ga a kitla a tlhoka sepe, mme yo o ipipang matlho o tla rogakwa gantsi. Fa baikepi ba tsoga, batho ba a iphitlha; mme fa ba latlhega, basiami ba a ntsifala. Monna yo o gagamatsang molala, le fa a kgalemetswe gantsi, o tla pšhwetlakanngwa ka tshoganyetso, mme go se na thuso. Fa basiami ba ntsifala, morafe o a itumela; fa baikepi ba busa, morafe o a fegelwa. Monna yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe; mme yo o kopanang le diaka o fetsa dithoto tsa gagwe. Kgosi e phedisa lefatshe sentle ka tshiamo, mme yo o kgethisang batho go feta tekanyo o a le tubaka. Monna yo o buang mafoko a a borethe le mongwe-ka-ene o ngamolela dinao tsa gagwe serai. Go na le mutlwane mo tseleng ya monna yo o bosula, mme mosiami o ka siana a thabile. Mosiami o itse tse di tshwanetseng ba babotlana, mme moikepi ga a di lemoge, ga a di itse. Basotli ba tsosa moferefere mo motseng, mme ba ba botlhale ba tima bogale. Fa motlhalefi a seka le lesilo, le tla tlhodia le tshega, mme go se na boikhutso. Banna ba ba tshololang madi ba tlhoa mmoifi-Modimo; ba batla go bolaya ba e leng ba nnete. Lesilo le ntsha bogale jotlhe jwa lone, mme letlhale le bo kokobetse morago. Mmusi yo o utlwelelang mafoko a maaka, badiredi ba gagwe ke baikepi fela. Mohumanegi le mogateledi ba a kgatlhana; Morena o sedimosa matlho a bobedi jwa bone. Kgosi e e direlang ba babotlana tse di ba tshwanetseng ka boikanyo, sedulo sa yona sa bogosi se tla tlhomama ka bosakhutleng. Thupa le kgalemelo di a tlhalefisa; mme mosimane yo o itaolang o tlhabisa mmaagwe ditlhong. Fa baikepi ba ntsifala, go ntsifala maleo, mme basiami ba tla bona tatlhego ya bone, ba itumela. Otla ngwana wa gago, mme o tla go ikhutsisa, a go thabisa pelo. Fa go se na pono ya moporofeti, batho ba itaola fela, mme go sego yo o tshegetsang molao. Motlhanka ga a siamisiwe ka mafoko; le fa a a tlhaloganya, ga a a kgathalale. Fa o bona monna yo o bonako mo puong ya gagwe, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene. Yo o lêmang motlhanka wa gagwe go tloga bonyaneng, la bofelo o tla mmona a nna matepe. Monna yo o bogale o losa batho; yo o pelo-khutshwane o leofa gantsi. Boikgodiso jwa motho bo tla mo isa tlase, mme yo o ikokobetsang o tla bona tlotlo. Yo o jang le legodu o a itlhoa; o utlwa go rogakwa yo o sa begeng legodu, mme ga a le bege. Go boifa batho go tlisa serai, mme yo o ikanyang Morena o tla femelwa. Ba bantsi ba batla sefatlhego sa mmusi, mme tshiamelo ya motho e tswa mo Moreneng. Yo o dirang ka tshiamololo o ilwa ke basiami; wa tsamao ya nnete o ilwa ke moikepi. Mafoko a ga Agure morwa Jake wa ga Masa. Monna yo o a re: “Ke itapiseditse Modimo; ke itapiseditse Modimo. Ke feletswe. Gonne ke seeleele sa phologolo, ga ke motho; ga ke na tlhaloganyo ya motho. Ga ke a ithuta botlhale; ene Moitshepi ga ke na kitso ya go mo itse. Go tlhatlogetse mang kwa legodimong a ba a boa? Ke mang yo o huparetseng phefo ka diatla tsa gagwe? Ke mang yo o bofeletseng metsi mo kobong? Ke mang yo o tlhomamisitseng dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe? Leina la gagwe ke mang? Leina la Morwawe ke mang? Nkarabe, fa o itse tseo.” Mafoko otlhe a Modimo a itshekisitswe; ona Modimo ke thebe ya ba ba batlang botshabelo mo go ona. Se oketse mafoko a ona, e se re gongwe wa go otla, mme wa fitlhelwa o le moaki. Ke kopa dilo di le pedi mo go wena; se nkganele ka tsona ke ise ke swe: Bolotsana le mafoko a maaka di katose mo go nna. Se mphe lehuma le e seng lehumo. Mphe dijo tse di ntekanyeng, e se re gongwe ka kgora, ka go itatola ka re: “Morena ke mang?” E se re gongwe ka humanega, ka utswa, ka senya leina la Modimo wa me. Se sebe motlhanka mo go mongwagwe, e se re gongwe a go roga, mme wa nna molato. Go na le batho bangwe ba ba rogang borraabo, ba ba sa tshegofatseng bommaabo; ke ba ba ithayang ba re, ba phepa, mme ba ise ba tlhapisiwe maswe a bone. Batho bao – matlho a bona a ikgantsha jang ne! Dintshi tsa matlho a bona di supa boikgodiso jang ne! Batho bao – meno a bona ke ditšhaka, meno a ditlhaya tsa bona ke dithipa, ba ja babogisegi mo lefatsheng le go tlosa bahumanegi mo bathong. Kgofa e na le bomorwadia-yona ba le babedi ba ba reng: “Mphe! Mphe!” Go na le dilo di le tharo tse di sa kgoreng; ee, di le nne tse di sa reng: “Go ntse!” Ke felo ga baswi le moopa le lefatshe le le sa kgoreng metsi le molelo o o sa reng: “Go lekanye.” Leitlho le le sotlang rraalo, le le nyatsang go utlwa mmaalo, magakabe a molatswana a tla le gonya, manongnyana a tla le ja. Go dilo di le tharo tse di mpalelang; ee, di le nne tse ke sa di itseng. Ke tsela ya lenong kwa loaping, le tsela ya noga mo lefikeng, le tsela ya mokoro mo lewatleng, le tsela ya monna yo o nang le mosadi yo mošwa. Tsela ya mosadi yo o senyang nyalo e ntse jaana: Fa a jele, o iphimola molomo a re: “Ga ke a dira molato.” Lefatshe le roroma ka dilo di le tharo; ee, le palelwa ke go itshokela dilo di le nne: Ke motlhanka, fa a nna kgosi; le seeleele, fa se kgora dijo; le lefetwa, fa le nyalwa; le lelata, fa le leleka mohumagadi wa lone. Dilo di le nne di dinnye mo lefatsheng, mme di botlhale thata, ke tse: Ditshoswane ke morafe o o seng thata, mme di tle di baakanye dijo tsa tsona selemo; dipela ke morafe o o sa tiang, mme di tle di ikagele matlo mo mafikeng; tsie ga e na kgosi, mme segopa sotlhe sa yona se bolola ka thulaganyo; mokgantitswane ò ka o tshwara ka diatla, mme o mo matlong a dikgosi. Go dilo di le tharo tse di gwantang sentle, ee, dilo di le nne tse di tsamao e ntle, ke tse: Tau ke mogale mo gare ga dibata; ga e tshabe sepe; mokoko o gwanta mo gare ga dikgogo; le phoko e etelela letsomane pele; le kgosi e bolotsa mephato ya yona. Fa o dirile bosilo ka go ikgodisa, gongwe fa o logile maano a a bosula baya seatla mo molomong! Gonne go fetlha lobebe go ntsha serethe; go pitla dinko go ntsha madi; go tlhotlheletsa bogale go tsosa tlhabano. Mafoko a kgosi Lemuele, e leng diane tse mmaagwe o di mo rutileng a re: “Wena morwaaka wa ntlha, nka go raya ka reng? Morwaaka yo ke go belegeng, nka reng? Morwa maikano a me, nka reng? Se neele basadi thata ya gago; basadi ba ba senyang dikgosi ò se ba neele lorato lwa gago. Ga go a tshwanela dikgosi, Lemuele, ga go a tshwanela dikgosi go nwa weine; ga go a tshwanela barena go eletsa bojalwa, e se re gongwe, fa ba a nwa, ba lebala molao, ba sokamisa tshiamelo ya babogisegi botlhe. Nayang yo o batlileng go latlhega bojalwa, lo nee yo o pelo-e-botlhoko weine, a nwe, a lebale khumanego ya gagwe, mme a se ka a tlhola a gopola tapisego ya gagwe. “Buelela semumu, o emele tshiamo ya masiela otlhe. Bula molomo wa gago, o atlhole ka tshiamo, o siamisetse mmogisegi le mohumanegi.” Mosadi yo o maatlametlo o bonwa ke mang? Kana ene ke lehumo le le gaisang ditalama tsa tlhwatlhwa e kgolo. Pelo ya monna wa gagwe e ntse e mo ikanya; mme monna ga a nke a tlhoka tswelelopele. Mosadi o ntse a mo direla tse di molemo, e seng tse di bosula, ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe. O a tle a tlhoafalele boboa le letseta; a dire ka diatla tsa gagwe ka bopelotshweu. O tshwana le mekoro ya morekisi: O ya go tsaya dijo tsa gagwe kwa kgakala. O a tle a tsoge e sa le bosigo, a fe ba lapa la gagwe dijo, a laela malata a gagwe tiro ya letsatsi. Fa a batla tshimo, a e reke; a tlhome ditlhare tsa moweine ka papadi ya diatla tsa gagwe. Thata ya gagwe o a tle a e dire moitlamo wa letheka la gagwe, a tie mabogo. O lemoga fa go bapala ga gagwe go tswelela pele; lobone lwa gagwe ga lo time bosigo. Diatla tsa gagwe di a tle di tshware seotlhi, di fete di sutisetse tlhale kwa pele. O a tle a huporololele mmogisegi seatla, a ntshetse mohumanegi mabogo. Ga a boifele ba lapa la gagwe serame, gonne botlhe ba ba mo lapeng la gagwe ba apesitswe tse di tlhatlagantsweng. O a tle a itirele diphate, diaparo tsa gagwe ke tsa masela a mantle le a mahibidu. Monna wa gagwe o tlotlega mo makgotleng, fa a nna le banna bagolo ba morafe. O a tle a roke dihempe, a di rekise, a ise meitlamo kwa bareking. Thata le tlotlego ke diaparo tsa gagwe; o a tle a itumelele letsatsi le le tlang. O a tle a tswe molomo ka botlhale; thuto e e natefang e mo lolemeng lwa gagwe. O tlhokomela tse di dirwang mo lapeng la gagwe; ga a je dijo tsa botshwakga. Bomorwawe ba nanoge ba re: “Ò tlhogonolo!” Le monna wa gagwe a mmoke, a re: “Basadi ba bantsi ba dirile ka maatlametlo, mme wena o ba phala botlhe!” Boeletsego bo a tsietsa, bontle ke phefo fela, mme mosadi yo o boifang Morena o tla bakwa. A a je leungo la diatla tsa gagwe. A a bakwe mo makgotleng ka ditiro tsa gagwe. Mafoko a Moreri morwa Dafita, kgosi ya kwa Jerusalema. A boithamako jwa maithamako! Go bua Moreri. A boithamako jwa maithamako! Dilo tsotlhe ke tsa boithamako. Matsapa otlhe a motho o itapisang ka ona fa tlase ga letsatsi a mo thusa eng? Losika longwe lo a tloga, lo longwe lo a goroga; ke lefatshe fela le le tlhomameng ka bosakhutleng. Letsatsi le a tlhaba, letsatsi le a phirima, le itlhaganelela kwa felong ga lone kwa le tla tlhabang teng gape. Phefo e ya kwa borwa e be e retologela kwa bokone; e foka e ntse e dikologa-dikologa; phefo e be e boele gape kwa e neng e tswa teng. Dinoka tsotlhe di elelela kwa lewatleng, mme lewatle ga le tlale; e bile dinoka di boela gape kwa di neng di tswa teng. Dilo tsotlhe di na le matsapa a tsona; motho ga a kgone go tlhalosa. Leitlho ga le kgore go bona, le tsebe ga e tladiwe ke go utlwa. Tse di kileng tsa nna teng di tla be di nne teng gape; tse di kileng tsa dirafala ke tsona tse di tla dirafalang gape. Ga go na sepe se sešwa fa tlase ga letsatsi. A go na le sengwe se go ka tweng: “Bonang, se sešwa ke se”? Nnyaya! Kana se kile sa nna teng mo metlheng e e fetileng, rona re ise re nne teng. Ba bogologolo ga ba tlhole ba gopolwa; mme ba metlha e e tlang le bone ba tla lebalwa ke ba ba tla ba latelang. Nna Moreri ke ne ke le kgosi ya Iseraele mo Jerusalema. Ke ne ke ikaeletse go lotolotsa le go tlhotlhomisa ka botlhale dilo tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga legodimo. Ke tiro e e makete e Modimo o e neetseng batho gore ba itapise ka yona. Ka bona ditiro tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga letsatsi; ka fitlhela tsotlhe e le tsa boithamako le go tshwara lephoro fela. Tse di kgopameng ga di ka ke tsa tlhamaladiwa; tse di tlhokafalang ga di kgone go balwa. Ke ne ka ithaya ka re: “Ruri, ke bonye botlhale jo bogolo, ka ba ka nna ka bo oketsa bogolo go botlhe ba ba neng ba busa mo Jerusalema pele ga me. Ee, pelo ya me ya bona botlhale jo bontsi le kitso e kgolo.” Jaanong ya re ke ineela ka pelo go itse botlhale le go itse botsenwa le bosilo, ka lemoga gore le gona ke go tshwara lephoro fela. Gonne botlhale jo bogolo bo na le tshwenyego e kgolo; gape yo o oketsang kitso o oketsa botlhoko. Nkile ka ithaya mo pelong ka re: “Ahee! Ke tla leka go itumela le go ja monate.” Ka fitlhela le gona e le phefo fela. Ka bua ka ga setshego ka re: “Ke botsenwa;” le ka ga boitumelo ka re: “Bo thusa eng?” Ka ikakanya ka re: “Ke tla lapolosa mmele wa me ka weine – fela a tlhaloganyo e ntsamaise ka botlhale! – ke tla itshola ka bosilo go fitlhelela ke bone tse di leng molemo mo bathong, tse ba tshwanetseng go di dira fa tlase ga legodimo ka malatsi a a baletsweng maphelo a bone.” Ka dira ditiro tse dikgolo, ka ikagela matlo, ka itirela masimo a moweine. Ka itemela masimo le dikgwa tse di kgabisang, le ditlhare tsa maungo tsa mefutafuta, ka di tlhoma teng. Ka itirela matsha a metsi go nosetsa sekgwa sa ditlhare tse di tlhomilweng. Ka reka batlhanka le malata. Ka bona batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong ya me, le gona ka rua motlhape o mogolo wa dikgomo le letsomane le legolo la dinku bogolo go botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema pele ga me. Le gona ka ikgobokanyetsa selefera le gouta le letlotlo la dikgosi le la dinaga; ka ipatlela baopedi ba banna le ba basadi le monate wa bomorwa-batho, e leng baratiwa ba le bantsi. Ka nna mogolo, ka nna ka golela pele, ka phala botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema pele ga me. Le gona botlhale jwa me jwa sala mo go nna. Tsotlhe tse matlho a me a neng a di eletsa ga ke a ka ka a ganela ka tsona le e seng go tima pelo ya me boitumelo bope; ruri pelo ya me e ne e itumelela matsapa otlhe a me. E ne e le tsona tuelo ya me mo tapisegong yotlhe ya me. Jaanong ya re ke leba ditiro tsotlhe tsa me tse di dirilweng ke diatla tsa me le matsapa a ke itapisitseng mo tirong ka ona, ka fitlhela tsotlhe e le tsa boithamako fela, e le go tshwara lephoro fela di se na mosola fa tlase ga letsatsi. Ka retologa go lemoga botlhale le botsenwa le boeleele. – Kana motho yo o latelang kgosi o ka dira eng se se iseng se dirwe? Ka lemoga gore botlhale bo gaisa bosilo jaaka lesedi le phala lefifi. Motlhalefi o na le matlho mo tlhogong ya gagwe, mme lesilo le sepela mo lefifing. Mme le gona ka lemoga gore tatlhego e ba wela botlhe ka go tshwana. Ka ba ka akanya mo pelong ka re: “Tse di welang lesilo, le nna di tla nkwela. Go nthusa eng, fa ke tlhalefile thata?” Ka ba ka ithaya mo pelong ka re: “Selo se le sona ke boithamako fela.” Gonne yo o botlhale le yo o bosilo ga ba kitla ba gopolwa ka bosakhutleng. Ka malatsi a a tlang ba tla bo ba sa bolo go lebalwa botlhe. Ijoo! Motlhalefi o tla swa fela jaaka lesilo! Ka moo ka ila bophelo; gonne tiro e e dirwang fa tlase ga letsatsi e ne e le botlhoko mo go nna. Gonne tsotlhe ke boithamako fela, ke go tshwara lephoro fela. Ka ba ka ila tsotlhe tse ke di itiretseng ka matsapa fa tlase ga letsatsi. Gonne ke na le go di tlogelela motho yo o tla nnang teng morago ga me. Go itse mang gore: A o tla nna botlhale gongwe bosilo? Mme o tla busa tsotlhe tse ke di itapiseditseng, ka di itirela ka botlhale fa tlase ga letsatsi. Le tseo ke boithamako fela. Ka ntlha ya moo ka tlhobogisa pelo ya me matsapa otlhe a ke itapisitseng ka ona fa tlase ga letsatsi. Gonne fa motho yo o itapiseditseng tsa gagwe ka botlhale le ka kitso le ka botswerere a na le go di tlogelela motho yo mongwe boswa yo a sa di itapisetsang, le gona moo ke boithamako fela le botlhoko jo bogolo. Kana motho o bona eng ka matsapa otlhe a gagwe le ka tshwenyego ya pelo ya gagwe tse o itapisang ka tsona fa tlase ga letsatsi? Gonne matlhoko le tshwenyego ke tsa gagwe ka malatsi otlhe; le bosigo pelo ya gagwe ga e ikhutse. Selo se le sona ke boithamako fela. Motho ga a na tse di molemo tse di gaisang go ja le go nwa le go jesa pelo ya gagwe monate mo tapisegong ya gagwe. Mme ke lemogile gore selo se le sona se tswa mo seatleng sa Modimo. Gonne go ka ja mang, go ka nwa mang kwa ntle ga ona? Gonne motho yo o o kgatlhang o mo naya botlhale le kitso le boitumelo. Mme tiro e o e neelang moleofi ke go phutha le go kgobokanya tse di tla neelwang yo o siameng fa pele ga Modimo. Le selo se ke boithamako fela le go tshwara lephoro. Sengwe le sengwe se na le nako ya sona. Maikaelelo mangwe le mangwe a na le sebaka sa ona fa tlase ga legodimo. Go na le sebaka sa go tsalwa le sebaka sa go swa; sebaka sa go tlhoma le sebaka sa go kumola tse di tlhomilweng; sebaka sa go bolaya le sebaka sa go alafa; sebaka sa go rutla le sebaka sa go aga; sebaka sa go lela le sebaka sa go tshega; sebaka sa go hutsafala le sebaka sa go bina; sebaka sa go latlha matlapa le sebaka sa go phutha matlapa; sebaka sa go tlamparela le sebaka sa go katogana le go tlamparela; sebaka sa go batla le sebaka sa go latlhegelwa; sebaka sa go boloka le sebaka sa go latlha; sebaka sa go gagola le sebaka sa go roka; sebaka sa go didimala le sebaka sa go bua; sebaka sa go rata le sebaka sa go tlhoa; sebaka sa ntwa le sebaka sa kagiso. Tse modiri o itapisang ka tsona di mo thusa eng? Ke bonye tshwenyego e Modimo o e neetseng bomorwa-batho gore ba itapise ka yona. O dirile sengwe le sengwe sentle ka nako ya sona. Le gona o tsentse bosakhutleng mo dipelong tsa bone. Fela batho ga ba kgone go lemoga tiro e Modimo o e dirang go tswa tshimologong go ya bokhutlong. Ke a itse gore ga go na tse di ba siametseng sentle, fa e se go itumela le go dira tse di molemo mo maphelong a bone. Le gona motho mongwe le mongwe, fa a ja, a nwa, a ja monate mo tapisegong yotlhe ya gagwe, ke neo ya Modimo. Ke a itse gore tsotlhe tse Modimo o di dirang di tla nna ka bosakhutleng. Ga di ka ke tsa okediwa le e seng go fokodiwa. Mme Modimo o dirile jalo gore batho ba tle ba o boife. Tse di leng teng ga di bolo go nna teng; tse di tla nnang teng di tla bo di kile tsa nna teng. Modimo o tla tsosa tse di fetileng. Le gona fa tlase ga legodimo ke bonye boikepo bo le mo felong ga tshiamo le tshiamololo e le mo felong ga molao. Ka ba ka gopola mo pelong ka re: “Modimo o tla atlhola mosiami le moikepi; gonne maikaelelo mangwe le mangwe le tiro nngwe le nngwe di na le sebaka sa tsona.” Ka ba ka akanya mo pelong ka re: “Ke ka ntlha ya bomorwa-batho gore Modimo o tle o ba leke, mme bone ba ipone, fa bone e le diphologolo ka fa ba ntseng ka teng.” Gonne tse di dirafalelang bana ba batho di dirafalela le diphologolo. Tatlhego ya bone e tshwana fela le ya tsone: Ba swa jaaka di swa. Mowa wa bophelo o le mongwe o mo go bone le mo go tsone. Ga go na sepe se motho o gaisang diphologolo ka sona. Gonne tsotlhe ke boithamako fela. Dilo tsotlhe di ya mo felong go le gongwe; tsotlhe di tswa mo leroleng, tsotlhe di boela mo leroleng. Ke mang yo o itseng gore mewa ya bana ba batho e tlhatlogela kwa godimo le gore mewa ya diphologolo e fologela kwa tlase mo lefatsheng? Ke lemogile gore ga go na lesego lepe le le phalang la motho yo o itumelelang ditiro tsa gagwe; gonne ke yona kabelo ya gagwe. Gonne ke mang yo o ka mo isang kwa o tla itumelelang teng tse di tla dirafalang morago ga gagwe? Ka boa ka bona dikgatelelo tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga letsatsi; ka bona dikeledi tsa ba ba gateletsweng, mme ba se na mogomotsi. Bagateledi ba bone ba ne ba le thata, mme bone ba se na yo o ka ba gomotsang. Ka ba ka re: “Baswi ba ba sa bolong go swa ba tlhogonolo bogolo go baphedi ba ba sa ntseng ba phela. Mme yo o tlhogonolo go ba phala ka bobedi jwa bona ke yo o iseng a nne teng; yo o iseng a bone ditiro tse di bosula tse di dirwang fa tlase ga letsatsi.” Ka ba ka lemoga gore matsapa otlhe le botswerere jotlhe mo tirong di tswa mo lefufeng la motho yo o fufegelang mongwe-ka-ene. Ka re: “Selo se le sona ke boithamako fela le go tshwara lephoro.” Lesilo le ikgonara mabogo, le ije nama. Seatla se se tletseng boikhutso se gaisa diatla tse pedi tse di tletseng tapisego le go tshwara lephoro. Ka ba ka bona boithamako gape fa tlase ga letsatsi; Go na le mongwe a le esi a se na yo mongwe; le gona ga a na morwawe le fa e le morwa-rraagwe. Mme matsapa otlhe a gagwe ga a fele; matlho a gagwe ga a kgore khumo. Ga a akanye gore, ke itapisetsa mang, fa ke itima tse di monate? Le selo se ke boithamako fela le tshwenyego e e botlhoko. Ba le babedi ba phala a le mongwe, gonne ba bona tuelo e e molemo ka matsapa a bone; gonne fa ba wa, mongwe o tla tsosa molekane wa gagwe. Mme a tatlhego ya gagwe wee yo o wang, a se na yo mongwe yo o ka mo tsosang! Le gona fa ba le babedi ba robala mmogo ba a thuthafala. Mme a le mongwe a ka thuthafala jang? Le fa a le mongwe a ka fenngwa, ba le babedi ba tla thusanya. Lodi lwa ditlhale tse tharo ga lo kgaoge ka pele. Lekau le le humanegileng, fa le le botlhale, le phala kgosi e e tsofetseng e e bosilo e e sa tlholeng e dumela go gakololwa. Ee, le tla tswa mo ntlong ya kgolegelo go nna kgosi, le fa le tsetswe e le mohumanegi mo pusong ya kgosi ele. Ka bona baphedi botlhe ba ba sepelang fa tlase ga letsatsi ba na le lekau lele le le tla emang mo boemong jwa kgosi ele; go le bontsi jo bo sa balweng jwa morafe otlhe, jwa botlhe ba le ba eteletseng pele. Fela ba metlha e e tlang ga ba ka ke ba le itumelela. Kana le sona ke boithamako fela le go tshwara lephoro. Disa dinao tsa gago, fa o ya kwa Ntlong ya Modimo! Kana go atamela go reetsa go phala ditlhabelo tsa masilo. Gonne ga a itse sepe fa e se go dira bosula fela. Ikakanye o ise o bue; a pelo ya gago e se ka ya itlhaganela go ntsha lefoko fa pele ga Modimo. Gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng. Ke gona he, a mafoko a gago a se nne mantsi. Gonne toro e tla ka matshwenyego a mantsi, lentswe la seeleele le utlwala ka mafoko a mantsi. Fa o ikanela Modimo maikano, se diege go a dirafatsa; gonne Modimo ga o kgatlhwe ke masilo. Dira se o se ikanetseng. Yo o sa ipofeng ka maikano o phala yo o ipofang ka maikano, mme a sa a dirafatse. O se ka wa itsenya mo molatong ka molomo wa gago! Se bue fa pele ga morongwi wa Modimo wa re: “Ke fositse!” O biletsang Modimo gore o galefele lentswe la gago le go senya tiro ya diatla tsa gago? Gonne ditoro tse dintsi le mafoko a mantsi di na le maithamako a magolo. Mme wena, boifa Modimo. Fa o bona mohumanegi a gatelelwa, mme tshiamo le molao di tlosiwa mo nageng, se gakgamale. Gonne morena yo mogolo o disa yo mmotlana, mme Modimo o mogolo bogolo, o ba okametse botlhe. Thuso ya lefatshe ka metlha ke fa kgosi e tlhokomela masimo. Yo o ratang selefera ga a nke a kgora selefera, yo o ratang letlotlo o tla galala tse a di bonang. Le selo se ke boithamako fela. Fa khumo e ata, go ata le baji ba yona. Jaanong e thusa mong wa yona eng, fa e se go e leba fela ka matlho? Boroko jwa modiri bo monate, le fa a ja tse dipotlana gongwe tse dintsi, mme letlotlo la mohumi le a mo tlhobaetsa. Go na le bosula jo bo boitshegang jo ke bo bonyeng fa tlase ga letsatsi, ke khumo e mong wa yona o e bolokelang tatlhego ya gagwe. Mme fa khumo eo e mo latlhegela ka kotsi, ngwana yo a mo tsetseng o tla sala a se na sepe. Motho o dule mo mmeleng wa ga mmaagwe a sa ikatega, e bile o tla tloga jaaka a tlile. Ga a nke a tsaya sepe sa tse o di itiretseng ka matsapa, se a ka tsamayang ka sona. Le selo se ke bosula jo bo botlhoko, fa a na le go tloga a tshwana fela le jaaka fa a ne a tla. Jaanong go mo thusa eng, fa a itapiseditse phefo fela? Le gona ka malatsi otlhe a gagwe o ne a ntse a le mo lefifing le mo khutsafalong le mo matshwenyegong a mantsi le mo bolwetseng le mo kgalefong. Bonang, se ke se bonyeng se le molemo, se le sentle ke fa motho a ja, a nwa, a phela monate mo matsapeng aotlhe a o itapisang ka ona fa tlase ga letsatsi ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe jo Modimo o bo mo neileng, gonne ke yona kabelo ya gagwe. Le gona ke neo ya Modimo mo mothong mongwe le mongwe, fa Modimo o mo naya khumo le matlotlo, o bo o mo dumelela go di ja le go tsaya kabelo ya gagwe le go itumelela tse a di itapisetsang. Ee, yo o ntseng jalo ga a tshwenyegele malatsi a bophelo jwa gagwe; gonne Modimo o mo phedisa a le mo boitumelong jwa pelo ya gagwe. Go na le bosula jo ke bo bonyeng fa tlase ga letsatsi jo bo imelang batho thata: Ke fa Modimo o naya motho khumo le dithuo le tlotlo mo a sa tlhokeng sepe sa tsotlhe tse a di eletsang, mme Modimo o sa mo dumelele go ka di ja; mme motho yo mongwe a di ja. Selo seo ke boithamako le botlhoko jo bo galakang. Fa monna a ka tsala bana ba le lekgolo, a phela dinyaga tse dintsi, malatsi a dinyaga tsa gagwe a ba a nna mantsi, mme ene a se ka a kgona go kgorisa pelo ya gagwe ka tse di molemo, le gona a se ka a bona phitlho ya tlotlo – nna nka re: Phetelo e tlhogonolo bogolo go ene; gonne yona e tla e se ya sepe e be e tloge mo lefifing; mme leina la yona le khurumediwe ke lefifi. Le gona ga e a ka ya bona letsatsi le e seng go le itse; mme e na le boikhutso bogolo go yole. Le fa a ka phela dinyaga di le dikete tse pedi, fa a sa phela monate – ke boithamako fela. A ga ke re, dilo tsotlhe di tla ya kwa felong go le gongwe? Motho o itapisetsa molomo wa gagwe ka matsapa otlhe; le fa go ntse jalo, keletso ga e fele. Kana motlhalefi o na le eng se a phalang lesilo ka sona? Mohumi o na le eng se a gaisang mohumanegi ka sona, ka le ene a itse go phela sentle mo gare ga baphedi? Go itumelela se o se bonyeng go gaisa go kgarakgatshega ka keletso. Le selo se ke boithamako fela le go tshwara lephoro. Tse di leng teng ga di bolo go bidiwa ka maina a tsona; go itsilwe gore motho o tla nna jang; ga a na go ganela le ona o o thata bogolo go ene. Go na le mafoko a mantsi a a atisang boithamako. A thusa motho eng? Gonne ke mang yo o itseng tse di molemo mo mothong ka malatsi a a badilweng a bophelo jwa boithamako jwa gagwe, jo a bo fetisang jaaka moriti; gape ke mang yo o ka itsiseng motho se se tla dirafalang sehularong sa gagwe fa tlase ga letsatsi? Leina le lentle le phala lookwane lo lo molemo; letsatsi la go swa le gaisa la go tsalwa. Go ya kwa lapeng la moletlo go phalwa ke go ya kwa lapeng la khutsafalo; ka gonne sona seo ke bokhutlo jwa batho botlhe, mme yo o phelang a a se tshole ka pelo! Tshwenyego e gaisa setshego; gonne fa sefatlhego se lela, pelo e rutega sentle. Dipelo tsa batlhalefi di mo ntlong ya khutsafalo, mme dipelo tsa masilo di mo ntlong ya boitumelo. Go utlwa kgalemelo ya motlhalefi go gaisa go utlwa sefela sa dieleele. Gonne setshego sa lesilo se tshwana le go thanthanyega ga mitlwa ka fa tlase ga pitsa. Le seo ke boithamako fela. Go huma ka go patika go silofatsa motlhalefi, thelesetso ya phaposo le yona e senya pelo. Bokhutlo jwa selo bo gaisa tshimologo ya sona, yo o pelotelele o phala yo o ikgodisang. Se potlake mo moweng wa gago go ngala; gonne ngalo e nna mo pelong tsa masilo. Se re: “Ke eng, fa malatsi a gompieno a phalwa ke a bogologolo?” Gonne potso eo ga se ya botlhale. Botlhale bo molemo fela jaaka boswa, bo thusa ba ba bonang letsatsi. Gonne botlhale bo a femela le selefera e a femela, mme thuso ya kitso ke ya go re: Botlhale bo phedisa mong wa jona. Leba tiro ya Modimo! Gonne ke mang yo o ka tlhamalatsang se Modimo o se sokamisitseng? Itumele ka letsatsi la letlhogonolo, mme ka letsatsi la botlhoko o akanye gore le lone Modimo o le dirile fela jaaka lele; ke ka moo motho a sa itseng sepe se se tla tlang sehularong sa gagwe. Ke bonye tsotlhe mo malatsing a me a boithamako ke tse: Go na le mosiami yo o latlhegang, le fa a ntse a siame; gape go na le moikepi yo o phelang malatsi a mantsi, le fa a ntse a le bosula. O se ka wa siama thata thata! O se ka wa itshupa o le botlhale go feta botlhe! O tla bo o itshenyetsang? O se ka wa ikepa thata thata! O se ka wa nna seeleele! O tla bo o swelang ka nako e e seng ya gago! Go molemo, fa o tshwara se, mme le sele o se ka wa tlosa seatla mo go sona. Gonne yo o boifang Modimo o falola mo go tsotlhe tseo. Botlhale bo tiisa motlhalefi bogolo go balaodi ba le some ba ba mo motseng. Gonne ga go na motho ope mo lefatsheng yo o siameng, yo o dirang molemo, a sa leofe. Le gona o se ka wa tlhokomela mafoko otlhe a a buiwang, e se re gongwe wa utlwa motlhanka wa gago a go rogaka. Gonne le pelo ya gago e a itse gore le wena o rogakile ba bangwe gantsi. Tsotlhe tseo ke di lekile ka botlhale ka re, ke rata go tlhalefa. Mme go ne ga nna kgakala le nna. Tse di leng teng di kgakala, di botengteng. Ke mang yo o ka di tlhotlhomisang? Jaanong ka retolola pelo ya me go batla kitso le go fukutsa le go batla botlhale le temogo gore ke tle ke itse boikepo, fa e le bosilo, le bosilo, fa e le botsenwa. Ka bona se se galakang bogolo go loso, e bong mosadi yo e leng letloa, yo pelo ya gagwe e leng thaelo, yo mabogo a gagwe e leng dikgole. Yo o molemo fa pele ga Modimo o tla falola mo go ene, mme moleofi o tla tshwarwa ke ene. Moreri a re: “Bonang, ke se ke se bonyeng ka go bapisa sengwe le se sengwe gore ke tle ke lemoge ka fa dilo tsotlhe di ntseng ka teng.” Se ke sa ntseng ke se batla, se ke iseng ke se bone, ke se: Mo bathong ba le sekete ke bonye monna wa nnete a le mongwe, mme mosadi wa nnete ga ke a mmona mo go botlhe bao. Fela bonang, se ke se lemogileng ke go re: Modimo o dirile batho e le ba nnete, mme bone ba logile maano a mantsi. Ke mang yo o tshwanang le motlhalefi? Ke mang yo o itseng tlhaloso ya dilo? Botlhale jwa motho bo sedimosa sefatlhego sa gagwe gore matepe a sefatlhego sa gagwe a fetoge. Utlwa lefoko la kgosi; fa o na le go ikana ka Modimo, se itlhaganele; tloga fa pele ga yona; se tsene mo kgannye e e bosula; gonne kgosi e dira tsotlhe tse e di ratang. Ka gonne lefoko la kgosi le na le thata. Ke mang yo o ka e rayang a re: “O dirang?” Yo o tshegetsang taolo ga a nke a dirafalelwa ke se se bosula, mme pelo ya motlhalefi e tla bona sebaka sa tshekiso. Gonne selo sengwe le sengwe se na le sebaka sa sona le molao wa sona; gonne bosula jwa motho bo mo imela thata. Gonne motho ga a itse se se tla dirafalang. Mme ke mang yo o ka mo itsiseng gore se tla nna jang? Ga go na motho yo o nang le thata mo phefong go ka e thibela; ga go na yo o laolang letsatsi la loso; ga go na go ya gae mo nakong ya ntwa. Boikepo ga bo ka ke jwa pholosa mong wa jona. Tsotlhe tseo ke di bonye, ka lebisa pelo ya me mo ditirong tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga letsatsi, mo metlheng e motho o busang motho yo mongwe ka yona go mo direla bosula. Le gona ka bona baikepi ba fitlhwa ka tlotlo, ba tsena boikhutsong, mme ba ba dirileng ka tshiamo ba na le go tlogela felo ga boitshepo le go lebalwa mo motseng. Le tseo di a mpalela. E a re ka kotlo e e atlholetsweng tiro e e bosula e sa dirafale ka pele, ka moo dipelo tsa batho di tlale maikaelelo a go dira bosula. Motho o a tle a leofe, a dire bosula ga lekgolo, a ba a phele sebaka se seleele – fela nna ke itse gore ba ba boifang Modimo, ba ba tshabang sefatlhego sa ona ke bone ba ba tla phelang sentle. Moikepi ga a nke a dirafalelwa ke tse di molemo le e seng go leelefatsa malatsi a gagwe jaaka moriti, gonne ga a boife Modimo. Go na le boithamako jo bongwe jo bo dirafalang mo lefatsheng: Kana go na le basiami ba ba dirafalelwang ke tse di tshwanetseng ditiro tsa baikepi; le gona go na le baikepi ba ba dirafalelwang ke tse di tshwanetseng ditiro tsa basiami. Ka re, le tseo di a mpalela. Ka ba ka boka boitumelo. Gonne motho ga a na tse di molemo dipe fa tlase ga letsatsi fa e se go ja le go nwa le go itumela. Tsona tseo a di mo lapolose mo tapisegong ya gagwe ka malatsi a bophelo jwa gagwe jo Modimo o bo mo neileng fa tlase ga letsatsi. E rile ke batla ka pelo gore ke tle ke itse botlhale, ke tlhokomele dilo tse di dirafalang mo lefatsheng – matlho a motho ga a bone boroko bosigo le motshegare – ka leba ditiro tsotlhe tsa Modimo, ka bona fa motho a sa kgone go di tlhotlhomisa, e leng ditiro tse di dirafalang fa tlase ga letsatsi. Gonne le fa motho a itapisa go batla, ga a di lemoge. Le fa motlhalefi a re, ke a itse, ga a kgone go di tlhotlhomisa. Gonne tsotlhe tseo ke di etse tlhoko gore ke lemoge tsotlhe, ka bona fa basiami le batlhalefi ba le mo seatleng sa Modimo mmogo le ditiro tsa bone. Le fa e le lorato gongwe letlhoo, motho ga a itse dilo dipe tse di kwa pele ga gagwe. Dilo tsotlhe di tshwana mo go botlhe. Tlalelo ya loso e wela mosiami le moikepi, yo o molemo le yo o bosula, yo o itshekileng le yo o itshekologileng, yo o dirang setlhabelo le yo o sa direng setlhabelo; e wela yo o dirang molemo jaaka yo o leofang, yo o ikanang jaaka yo o tshabang go ikana. Seo ke se se botlhoko thata mo go tsotlhe tse di dirafalang fa tlase ga letsatsi, fa tatlhego e wela botlhe ka go tshwana. Le gona pelo tsa batho di tletse bosula; bosilo bo mo dipelong tsa bone ka malatsi aotlhe a maphelo a bone, mme morago ga moo go iwa kwa baswing. Gonne fa motho a sa ntse a na le botlhe ba ba phelang, o na le tsholofelo. Kana ntšwa e e phelang e phala tau e e suleng. Gonne ba ba phelang ba itse gore ba tla swa. Mme ba ba suleng ga ba itse sepe; ga ba tlhole ba na le tuelo, gonne go ba gopola go lebetswe. Lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone ga di bolo go nyelela. Ga ba tlhole ba na le kabelo mo go tsotlhe tse di dirafalang fa tlase ga letsatsi ka bosakhutleng. Yaa o je dijo tsa gago ka boitumelo, o nwe weine ya gago ka pelo e e thabileng; gonne Modimo ga o bolo go kgatlhwa ke ditiro tsa gago. Diaparo tsa gago a e nne tse ditshweu ka metlha yotlhe; a tlhogo ya gago e se ka ya tlhoka setlolo. Phela ka boitumelo le mosadi yo o mo ratang ka malatsi otlhe a bophelonyana jwa gago, jo Modimo o bo go neileng fa tlase ga letsatsi ka malatsi otlhe a makhutshwane a gago. Gonne ke yona kabelo ya gago mo bophelong le mo matsapeng a gago a o itapisang ka ona fa tlase ga letsatsi. Tsotlhe tse seatla sa gago se di fitlhelang go ka di dira di dire ka thata ya gago. Gonne tiro le kakanyo le kitso le botlhale ga di yo kwa felong ga baswi kwa o yang teng. Ka boa ka bona fa tlase ga letsatsi gore yo o siang ga se yo o lobelo; phenyo ga se ya mogale; le gona dijo ga se tsa batlhalefi; e bile khumo ga se ya ba ba nang le tlhaloganyo; le gona ga go ratwe ba ba nang le kitso. Gonne sebaka le tse di ba tlelang di ba dirafalela botlhe. Gonne motho le ene ga a itse sebaka sa gagwe, jaaka ditlhapi fa di tshwarwa ka letloa le le bosula le jaaka dinonyane fa di thaisiwa ka serai. – Batho ba golegwa jaaka tsona ka nako ya tatlhego, fa e ba wela ka tshoganyetso. Le gona ke bonye sekao sa botlhale fa tlase ga letsatsi, ka fitlhela e le se segolo: Go ne go le motsana le banna ba se kae fela mo go ona. Ga tla kgosi e kgolo, ya o tlhasela, ya o dikanyetsa ka ntwa, ya o agela dikago tse dikgolo tsa tlhaselo. Ga bonwa monna wa mohumanegi yo o botlhale mo go ona, ene a pholosa motse ka botlhale jwa gagwe. Mme go ne go se na motho ope yo o gopolang monna yoo wa mohumanegi. Ka ba ka re: “Botlhale bo gaisa boganka.” Mme botlhale jwa mohumanegi bo a nyadiwa, le mafoko a gagwe ga a tsewe tsia. Mafoko a batlhalefi a a utlwiwang ka iketlo a phala mokgosi wa yo o busang masilo. Botlhale bo gaisa dibolai tsa ntwa, mme moleofi a le mongwe fela o senya tse di molemo tse dintsi. Dintsi tse di suleng di nkgisa ditlhare tsa ngaka, di di bedisa; bosilo jo bobotlana bo senya botlhale le tlotlego jalo. Pelo ya motlhalefi e lebile tse di siameng, pelo ya seeleele e lebile tse di sokameng. Le mo tseleng, fa lesilo le eta, ga le na tlhaloganyo, le ipolelela botlhe le re, ke lesilo. Fa bogale jwa mmusi bo go tsogela, se tlogele boemo jwa gago; gonne boikokobetso bo thibela dibe tse dikgolo. Go na le bosula jo ke bo bonyeng fa tlase ga letsatsi bo tshwana le phoso e e dirwang ke molaodi: Lesilo le bewa mo mannong a tlotlo, mme bahumi ba nna kwa tlase. Ke bonye balala ba palame dipitse, mme dikgosana di tsamaya ka dinao jaaka balala. Yo o epang lemena o tla wela mo go lone; yo o phomang lobota noga e tla mo loma. Yo o epololang mafika o tla ikhutla ka ona; yo o fatsang dikgong o tla ipolaya ka tsona. Fa selepe se le boi, mme motho a sa se lootse, o tla rema makete; yo o botlhale o ithusa ka go se lootsa. Fa noga e loma, go ise go upiwe, ga go thuse moupi sepe. Mafoko a molomo wa motlhalefi a a kgatlhisa; mme molomo wa lesilo o senya mong wa ona. Tshimologo ya mafoko a molomo wa lone ke boeleele; bokhutlo jwa puo ya lone ke botsenwa jo bo bosula. Seeleele se buabua thata, mme motho ga a itse tse di tla dirafalang. Yo o ka mo itsiseng tse di tla dirafalang sehularong sa gagwe ke mang? Matsapa a lesilo a a le lapisa, lone le le sa itseng go ya kwa motseng. A tatlhego ya gago wee, wena lefatshe, fa kgosi ya gago e le mosimanyana; fa dikgosana tsa gago di tlhapelwa e sa le mosong! O wa letlhogonolo, wena lefatshe, fa kgosi ya gago e le morwa batlotlegi; fa dikgosana tsa gago di ja ka nako e e tshwanetseng jaaka banna, e seng jaaka matagwa. Ditlhomeso di bobela ka botlapa jwa mefutafuta; fa diatla di repile, dithulelo di a na. Ba dira meletlo ya botlhapelwa; weine e thabisa ba ba phelang; go rekwa tsotlhe ka selefera. Se roge kgosi le e seng ka pelo ya gago! Le mohumi o se mo roge o le mo ntlwaneng ya gago ya borobalo! Gonne dinonyane tsa legodimo di ka bolela mafoko a gago; tse di diphuka di ka utlwatsa dipolelo tsa gago. Tshedisa dijo tsa gago lewatle, gonne o tla di bona gape morago ga malatsi a mantsi. Di kgaoganye ka ba supa gongwe ka ba ba robedi. Gonne ga o itse gore lefatshe le tla welwa ke kotsi e e ntseng jang. Fa maru a tletse metsi, a nesa pula mo lefatsheng. Mme fa setlhare se rengwa, se wela kwa borwa gongwe kwa bokone, mme mo felong fa se wetseng teng se tla sala se rapaletse gona. Yo o elang phefo tlhoko ga a nke a jwala; yo o lebileng maru ga a nke a roba. Ga o itse tiro ya Modimo o o dirang dilo tsotlhe, fela jaaka o sa itse tsela ya phefo le ka fa marapo a bopegang ka teng mo mmeleng wa yo moimana. Jwala peo ya gago mo mosong; se ikhutsise diatla tsa gago maitsiboa; gonne ga o itse gore go tla mela efe, a ena gongwe ele, kampo a di tla siama mmogo ka bobedi jwa tsona. Lesedi le monate; go bona letsatsi go kgatlha matlho. A e re fa motho a phela dinyaga tse dintsi, a itumele mo go tsona tsotlhe! Le gona a a gopole malatsi a lefifi, gonne a tla nna mantsi thata. Tsotlhe tse di tla tlang ke tsa boithamako fela. Wena lekau, itumele mo bokaung jwa gago! A pelo ya gago e go jese monate mo malatsing a bokau jwa gago. Phela ka fa pelo ya gago e ratang ka teng le ka fa matlho a gago a bonang ka teng. Fela itse gore Modimo o tla go isa mo tshekong ka ntlha ya tsotlhe tseo. Tlosa tshwenyego mo pelong ya gago, o fapose botlhoko mo mmeleng wa gago. Gonne bokau le bošwa di fela ka pele. Gopola Mmopi wa gago o sa le mošwa go ise go tle malatsi a a bosula; go ise go atamele dinyaga tse o tla reng ka tsona: “Ga di nkgatlhe,” go ise go fifale letsatsi le lesedi le ngwedi le dinaledi, le maru a ise a boe pula e sena go na; go ise go tle letsatsi fa badisa ba ntlo ba tetesela; fa banna ba ba thata ba ikoba; fa basidi ba ikhutsa, ka ba le bannye fela; fa ba ba okomelang ka difenstere ba fifala, fa go tswalwa mejako e e lebileng kwa mmileng; fa loratla lwa tshilo lo ditibala; fa molodi wa nonyane o didimala, fa dikopelo tsotlhe di sa tlhole di utlwala; fa motsofe a tshaba mapalamo le ditherego tse di mo tseleng, fa mokgofa o thunya; fa tsie e totoba; fa keletso ya go ja e tlhokafala. – Gonne motho o tla ya kwa ntlong ya gagwe e e sa khutleng; ba ba mo lelelang ba tla kgarakgatshega mo mmileng. – Go ise go kgaolwe mogala wa selefera, le sejana sa gouta se ise se senyege le nkgwana e ise e thubege kwa motsweding le segelelo se ise se robegele mo sedibeng. Lerole le tla boela mo lefatsheng jaaka le ne le ntse. Mme mowa o tla boela kwa Modimong, kwa o ne o tswa teng. Moreri a re: “A boithamako jwa maithamako! Dilo tsotlhe di a fela!” Moreri yoo o ne a se botlhale fela; le gona o ne a ruta batho kitso, a akanya, a tlhotlhomisa, a tlhaba diane tse dintsi. Moreri o ne a batla gore a bone mafoko a a natefang le go kwala mafoko a boammaaruri sentle. Mafoko a batlhalefi a tshwana le mašwane. Diane tse di phuthilweng di tshwana le dimapo tse di kokotetsweng. Di tswa mo modiseng a le mongwe. Le gona ngwanaka, nte ke go tlhagise! Go kwala dikwalo tse dintsi ga go khutle, mme go ithuta thata go lapisa mmele. A re utlweng kakaretso ya mafoko otlhe! Ke e: Boifa Modimo, o tshegetse ditaolo tsa ona! Gonne seo se laetswe batho botlhe. Gonne Modimo o tla isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, o atlhola tsotlhe tse di fitlhegileng, le fa di le molemo gongwe bosula. Sefela sa Difela sa ga Salomo. A a nkatle ka dikatlo tsa molomo wa gagwe! Ee, lorato lwa gago lo monate bogolo go weine. Monko wa ditlolo tsa gago o monate. Leina la gago le tshwana le setlolo se itshetsweng. Ke ka moo makgarebe a go ratang. Nkgoge, ke go sale morago, a re siane! A kgosi e nkise mo matlwaneng a yona. Re tla duduetsa, re go itumelela, re boka lorato lwa gago bogolo go weine. Makgarebe a go rata ka tshwanelo. Lona bomorwadia Jerusalema, ke morokwa, mme ke montle jaaka ditente tsa Ketare, jaaka masire a ga Salomo. Se ntebeng ka ke le morokwa! Kana letsatsi le mphisitse. Bokgaitsadiake ba ne ba nkgakaletse, ba nthoma go leta masimo a moweine. Mme tshimo ya me ya moweine ga ke a e disa. Wena yo pelo ya me e go ratang, mpolelele gore o fudisa kae, o bothisa kae motshegare? Gonne ke ka ntlha ya eng fa nka nna moiphitlhi mo matlhapeng a balekane ba gago? Fa o sa itse, wena yo montlentle mo basading, tswaya o latele metlhala ya dinku o fudise dipotsane tsa gago kwa mekgorong ya badisa. Moratiwa wa me, ke go tshwantshanya le pitse nngwe ya tse di gogang dikoloi tsa ga Farao. Marama a gago a mantle ka mokgabo wa dikeetane le molala wa gago ka dibaga. Re tla go direla dikeetane tsa gouta tse di nang le dikgotlhwana tsa selefera. Ya re kgosi e ntse e le fa dijong, setlolo sa me sa utlwatsa monko wa sona. Morati wa me ke kgetsana ya mera mo go nna e e lalang fa gare ga mabele a me! Morati wa me ke dithunya tse di nkgang monate mo go nna tse di mo masimong a moweine a Engedi. Ruri, o montle, moratiwa wa me! Ruri, o montle. Matlho a gago a tshwana le a maeba. Ruri, o montle, morati wa me! Ee, o a ratega; bolao jwa rona bo mo botaleng. Ditlhomeso tsa ntlo ya rona ke mesetere; kapeso ya dipota tsa rona ke mesiperese. Ke nna sešeše sa Sarone, ke sethunya sa mekgatsha. Fa moratiwa wa me a le mo gare ga basetsana, o tshwana le sethunya se se mo gare ga mitlwa. Fa morati wa me a le mo gare ga makau, o tshwana le setlhare sa apole se se mo ditlhareng tsa sekgwa. Ke eletsa go nna mo moriting wa sona; leungo la sona le monate mo leganong la me. O nkisitse mo ntlong ya weine; sefoka sa gagwe godimo ga me ke lorato. Ntiiseng ka dinkgwe tsa maungo a moweine; ntapoloseng ka diapole, gonne ke lwadiwa ke lorato. Letsogo la gagwe la molema le ntshameditse; le le jang la gagwe le a ntlamparela. Lona bomorwadia Jerusalema, ke lo ikanisa ka ditshephe gongwe ka ditholo tsa naga ka re: Lo se ka lwa tsosa lorato le e seng go lo tsibosa, go fitlhelela lone lo itsose ka losi. Utlwelela! Morati wa me ke yole, o e tla, a tlola mo dithabeng, a kalapa mo mebotong. Morati wa me o tshwana le tshephe gongwe le namane ya ditholo. Bonang, ke yole. O eme ka fa morago ga lorako lwa rona. O okomela ka fenstere, o tlhola ka diphatlhana. Morati wa me o simolola go bua, o nthaya a re: “Nanoga, moratiwa wa me, wena yo montle wa me, tlaya he! Gonne bona, mariga a fetile, pula e khutlile e ile. Dithunya di bonala mo lefatsheng, sebaka sa difela se fitlhile; go lela ga leeba go utlwala mo lefatsheng la rona. Setlhare sa feie se budusa maungo a sona; ditlhare tsa moweine di a thunya, di ntsha monko. Nanoga tlhe, moratiwa wa me, wena yo montle wa me, tlaya he! Wena leebana la me, o mo dipharong tsa mafika le mo maiphitlhong a mapalamo a dithaba. Nte ke bone bontle jwa gago, nte ke utlwe lentswe la gago. Gonne lentswe la gago le monate, le bontle jwa gago bo a ratega. Re tshwareleng diphokojwe, diphokojwane tse di senyang masimo a moweine, jaanong ka masimo a moweine a rona a thunya.” Morati wa me ke wa me, mme nna ke wa gagwe yo o fudisang mo gare ga dithunya. E re letsatsi le ise le nne marutshwana le meriti e ise e tshabe, o boe, morati wa me, o tshwane le tshephe gongwe le namane ya tholo mo dithabeng tse di ditlhoatlhoa. Fa ke le bolaong bosigo, ke tlhologeletswe yo pelo ya me e mo ratang; ke mo tlhologeletswe, mme ga ke mmone. Ka re: “A ke tsoge, ke senke mo motseng kwa le kwa mo mebileng le mo dipatlelong; ke batle ene yo pelo ya me e mo ratang;” ka mmatla, ka se ka ka mmona. Ka bonwa ke badisa ba motse ba ba tsamayang mo motseng. Ka re: “A lo mmonye yo pelo ya me e mo ratang?” Ya re ke sena go ba feta go le gonnye, ka mo fitlhela ene yo pelo ya me e mo ratang; ka mo tshwara, ka se ka ka mo lesa ka ba ka mo isa kwa ntlong ya ga mme, mo ntlwaneng ya yo o mpelegeng. Lona bomorwadia Jerusalema, ke lo ikanisa ka ditshephe gongwe ka ditholo ka re: Lo se ka lwa tsosa lorato le e seng go lo tsibosa go fitlhelela lone lo itsose ka losi. Ke mang yo o tlhagang kwa sekakeng jaaka dipinagare tsa musi, a nkgisitswe monate ka mera le maswalo le ka ditlolo tsa mefutafuta tsa morekisi? Bonang, ke sedulo se se tsholediwang sa ga Salomo se dikanyeditswe ke banna ba le soma marataro ba bagale ba Iseraele. Botlhe ba tshwere ditšhaka, ba tlwaetse tlhabano. Mongwe le mongwe a ipofeletse tšhaka mo lethekeng ka ntlha ya ditherego tsa bosigo. Kgosi Salomo o ne a itirela sedulo se se sikarwang ka dikgong tsa Lebanone. A dira maoto a sona ka selefera le moikaego wa sona ka gouta le manno a sona ka masela a mantle a mahibidu; bogare jwa sona bo kgabisitswe sentle, e le tiro ya lorato lwa bomorwadia Jerusalema. Lona bomorwadia Sione, tswayang lo bone kgosi Salomo a rwele serwalo sa bogosi se a se rwesitsweng ke mmaagwe ka letsatsi la lenyalo la gagwe, ka letsatsi la boitumelo jwa pelo ya gagwe. Ruri, o montle, moratiwa wa me, ruri, o montle. Matlho a gago a tshwana le maeba mo teng ga lesire la gago. Moriri wa gago o tshwana le letsomane la dipodi tse di fologang mo dithabeng tsa Gileate. Meno a gago a tshwana le letsomane la dinku tse di beotsweng tse di tswang kwa tlhapisong tse nngwe le nngwe ya tsona e nang le dikwana tsa mafatlha, go se na moreba ope. Molomo wa gago o tshwana le seitlamo se se phatsimang ka bohibidu, puo ya gago e a ratega. Marama a gago mo teng ga lesire la gago a tshwana le maungo a garanata a a fatotsweng. Molala wa gago o tshwana le lonaka lwa ntlo ya ga Dafita e e agetsweng go boloka dibolai, kwa dithebe di le sekete di pegilweng teng le dibolai tsotlhe tsa bagale. Mabele a mabedi a gago a tshwana le ditshetshwana tse pedi tsa mafatlha tse di fulang mo gare ga dithunya. E tla re letsatsi le ise le nne marutshwana le meriti e ise e tshabe, ke ye kwa thabeng ya mera le kwa thoteng ya maswalo. Moratiwa wa me, o montle gotlhe. Ga go na sebala mo go wena. Tlaya re tloge mo Lebanone, monyalwa. Tlaya re tloge mo Lebanone. Fologa mo setlhoeng sa Amana le mo setlhoeng sa Senire le sa Heremone, o tlogele marobalo a ditau le dithaba tsa dinkwe. O nkgapile pelo, kgaitsadiaka, monyalwa; o nkgapile pelo ka tebo e le nngwe ya matlho a gago le ka sebaga se le sengwe sa mokgabo wa molala wa gago. Kgaitsadiaka, monyalwa, lorato lwa gago lo lontle jang ne! Lo phala weine. Monko wa ditlolo tsa gago o gaisa makga aotlhe. Molomo wa gago, monyalwa, o rotha mafura a dinotshe; dinotshe le mašwi di ka fa tlase ga loleme lwa gago. Monko wa diaparo tsa gago o tshwana le monko wa Lebanone. Kgaitsadiaka, monyalwa, o tshimo e e ageletsweng, o sediba se se tswaletsweng, o motswedi o o kannweng. Tse di tlhogileng mo go wena ke tshimo ya digaranata ya maungo a a monatenate le dithunya le ditlhatshana tsa monkgo o o monate. E tletse ditlhatshana tsa mefutafuta tsa ditlolo le ditswaiso le maswalo le makga. O motswedi wa masimo le sediba sa metsi a a phelang a a tswang kwa Lebanone. Tsoga, phefo ya bokone; tlaya phefo ya borwa, o fokele tshimo ya me gore makga a monate a yona a aname. A morati wa me a tle mo tshimong ya gagwe, a je maungo a a monatenate a yona. Ke tsile mo tshimong ya me, kgaitsadiaka, monyalwa. Ke kgetla mera ya me le makga a a monate a me. Ke ja lomepe lwa me le dinotshe tsa me; ke nwa weine ya me le mašwi a me. Lona ba ga etsho, jaang, lo nwe; ditsala tsa me, kgorang! Ke ne ke robetse, mme pelo ya me yona ya tlhobaela. Ka utlwa morati wa me a konyakonya a re: “Mpulele, kgaitsadiaka, moratiwa wa me, leebana la me, moitekanedi wa me. Gonne tlhogo ya me e tletse monyo, moriri wa me o tletse marothodi a bosigo.” Ka re: “Ke apotse mosese wa me, nka o apara jang gape? Ke setse ke tlhapile dinao, nka tla ka di kgotlela.” Morati wa me a ba a tsenya seatla sa gagwe ka letshoba la lobati; ke fa maikutlo a me a mo huduegela. Ka ba ka tsoga gore ke bulele morati wa me. Diatla tsa me tsa bo di rotha mera le menwana ya me e rotha mera e e rothegelang mo matshwarong a lobati. E rile a bua, ka tlhomoga pelo, ka bulela morati wa me, mme morati wa me a bo a ngwegile a tsamaile. Ka mmatla, ka se ka ka mmona; ka mmitsa, mme a se ka a nkaraba. Ka bonwa ke badisa ba ba tsamayang mo motseng; ba ntitaya, ba nntsha dintho; badisa ba dipota ba nkamoga kobo ya me. Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka re: E re fa lo ka mmona, ene morati wa me, lo mo itsise lo re: Ke lwala ka lorato. Morati wa gago o gaisa morati yo mongwe ka eng, wena yo montle mo basading? Morati wa gago o phala morati yo mongwe ka eng, fa o re ikanisa jalo? Morati wa me o mosweu, o mohibidu; o gaisa banna ba le dikete. Tlhogo ya gagwe ke gouta e e sa pekwang; moriri o o itshophileng wa gagwe ke dikala tsa mokolane tse di tshikinyegang; o montsho jaaka lehukubu. Matlho a gagwe a tshwana le maeba a a fa dinokeng, a tlhapa mo mašwing, a tlhomilwe sentle. Marama a gagwe a tshwana le ditemanyana tsa makga a a monate tse di jwetsweng ditlhatshana tse di nkgang monate; molomo wa gagwe ke dithunya, o rotha mera e e metsi. Mabogo a gagwe ke dikotana tsa gouta tse di potokwane tse di gomilweng ka ditaemane. Mmele wa gagwe o bopegile ka dinaka tsa ditlou, o kgabisitswe ka disafire tse ditala. Maoto a gagwe ke maotwana a lentswe la legakwa a a tlhomilweng mo ditlhomong tsa gouta e e sa pekwang. Sebopego sa gagwe se tshwana le sa Lebanone se tlotlometse jaaka mesetere. Mafoko a gagwe a monatenate. Ruri, o montlentle gotlhe. Morati wa me ke yo o ntseng jalo; ke ene tsala ya me, lona bomorwadia Jerusalema. Morati wa gago o ile kae, wena yo montlentle basading? Morati wa gago o ile ntlha efe gore re mo go batlise? Morati wa me o fologetse kwa tshimong ya gagwe kwa ditemanyaneng tsa makga a a monate; a ya go fula maungo kwa masimo le go kgetla dithunya. Nna ke wa morati wa me; morati wa me ke wa me; ene yo o leng modisa mo gare ga dithunya. Moratiwa wa me, wena o montle jaaka motse wa Thiresa; o ratega jaaka Jerusalema; o boitshega jaaka mophato wa batlhabani ba ba tshotseng sefoka. Thibosa matlho a gago mo go nna, gonne a a ntshosa. Moriri wa gago o tshwana le letsomane la dipodi tse di fologang mo dithabeng tsa Gileate. Meno a gago a tshwana le letsomane la dinku tse dinamagadi tse di tswang go tlhapisiwa; tse nngwe le nngwe ya tsona e nang le dikwana tsa mafatlha, go se na moreba ope. Marama a gago mo teng ga lesire la gago a tshwana le maungo a garanata a a fatotsweng. Go na le bahumagadi ba le 60 le bagadingwana ba le 80 le makgarebe a a se nang palo. Fela yo e leng leeba la me le moitekanedi wa me ke a le mongwe fela. Ke yo o esi wa ga mmaagwe, ke yo o itshekileng wa yo o mmelegeng. E a re fa basetsana ba mmona ba re, o tlhogonolo; bahumagadi le bagadingwana ba mmoke. Ke mang yo o okomelang jaaka mahube, a le montle jaaka ngwedi, a le phepa jaaka letsatsi, a boitshega jaaka mophato wa batlhabani ba ba tshotseng sefoka? Ke ne ka fologela kwa tshimong ya dikgeru, ka ya go itumelela ditlhatshana tse ditala tsa molapo; ka ya go bona gore a setlhare sa moweine se tlhogile, a sa garanata se a thunya? Ke ne ke sa lemoge gore keletso ya me e nkisa kwa dikoloing tsa batho ba motlotlegi. Boa, boa, wena wa kwa Suleme; boa, boa gore re go itumelele. Lo itumelela eng mo mosetsaneng wa kwa Suleme? O tshwana le go bina ga baengele kwa Mahanaime. A bontle jwa dinao tsa gago, di rwele ditlhako, wena morwadia motlotlegi! Sebopego sa letheka la gago se tshwana le mhiri wa molala o o dirilweng ke diatla tsa setswerere. Mpa ya gago ke mogotšwana o o potokwane; a go se tlhokafale weine e e tlhakantsweng! Mmele wa gago ke mokoa wa mabele o o dikanyeditsweng ke dithunya. Mabele a mabedi a gago a tshwana le ditshetshwana tse pedi tsa mafatlha. Molala wa gago o tshwana le turio ya dinaka tsa tlou; matlho a gago a tshwana le madiba a a kwa Hešebone fa kgorong ya Bathe-Rabime. Nko ya gago e tshwana le turio ya Lebanone e e lebileng kwa Damaseko. Tlhogo ya gago mo go wena e tshwana le dithaba tsa Karemele. Moriri wa tlhogo ya gago o o itshophileng o tshwana le lesela le lehibidu. Kgosi e golegilwe ka moriri o o tshophilweng. O montle jang ne, o ratega jang ne, wena moratiwa yo o tletseng monate! Seemo sa mmele wa gago se tshwana le sa mokolane; mabele a gago a tshwana le masitlha a moweine. Ka re, ke tla palama mokolane, ke tshwara maungo a ona. A mabele a gago a nne jaaka masitlha a moweine le monko wa nko ya gago jaaka diapole! A molomo wa gago o nne jaaka weine e e monate e e balolang mo leganong la me sentle, e e nkolobisang molomo le meno. Ke wa morati wa me; ke nna yo a ntlhologeletsweng. Tlaya, morati wa me, re tswele kwa nageng, re lale mo gare ga dithunya! A re phakele, re ye kwa masimong a moweine, re bone gore a moweine o tlhogile, a dithunya tsa ona di phanyegile, a digaranata di a thunya. Ke tla go naya lorato lwa me gona. Maungo a meratiso a ntsha monko. Fa mojakong wa rona go na le maungo a a monate a monongwaga le a ngogola. Morati wa me, ke a go boloketse. E kete o ka bo o le kgaitsadiake, yo o amuleng mabele a ga mme! E ne e tla re fa ke go fitlhela kwa ntle, ke go atle, go se yo o ka nnyatsang. Nka bo ke go goga, ke go isa kwa lapeng la ga mme gore o nthute. Nka bo ke go nosa weine e e tswaisitsweng ka matute a digaranata tsa me. Letsogo la gago la molema le ntshameditse; le le jang le a ntlamparela. Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka re: Lo tsosetsang lorato le go lo tsibosa lo ise lo itsose ka losi? Ke mang yo o tlhagang kwa sekakeng a ikaegile ka morati wa gagwe? Ke go tsositse o le fa tlase ga setlhare sa apole. Mmaago o ne a ikutlwa gona go go belega; yo o go belegeng o ne a segwa ke leralalo gona. Mpee fa pelong ya gago jaaka palamonwana e e tshwayang, le mo letsogong la gago jaaka leseka. Gonne lorato lo thata jaaka loso; lefufa la lone le setlhogo jaaka felo ga baswi; ditlhase tsa lone ke ditlhase tsa molelo; dikgabo tsa lone di tshwana le tsa Morena. Metsi a mantsi ga a kgone go tima lorato. Dinoka ga di ka ke tsa lo nwetsa. Fa monna a ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya gagwe a re o reka lorato, ba tla mo nyatsa thata. Re na le kgaitsadia-rona yo mmotlana yo o iseng a tswe mabele. Re ka dirang ka kgaitsadia-rona ka letsatsi le o batliwang ka lone? Fa a le lorako, re tla aga kgabiso ya selefera mo go lone; fa a le kgoro, re tla e tswala ka dipati tsa mesetere. Ke ntse ke le lorako; mabele a me a ntse a tshwana le diturio tse di femetsweng. Jaanong mo matlhong a gagwe ke fetogile yo o bonyeng kagiso. Salomo o ne a na le tshimo ya moweine kwa Baale-Hamone; tshimo eo a e neela barapi. Mongwe le mongwe o ne a na le go ntshetsa maungo a yona diselefera tse kete. Tshimo ya moweine ya me e e leng ya me e fa pele ga me. Diselefera tse kete ke tsa gago, Salomo; di le kgolamabedi ke tsa badisa ba maungo a yona. Wena yo o agileng mo masimo, ditsala di utlweletse lentswe la gago; nte ke le utlwe! Itlhaganele, wena morati wa me, o tshwane le tshephe gongwe le namane ya tholo mo dithabeng tsa makga a a monate. Pono ya ga Jesaya, morwa Amotse, e o e bonyeng ka ga Juta le Jerusalema mo malatsing a ga Usia le Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta. Lona magodimo, utlwang; wena lefatshe, sekega tsebe! Gonne Morena o bua a re: “Ke otlile bana, ka ba godisa, mme bone ba ikepile mo go nna. Kgomo e itse morui wa yona, esele e itse segopo sa mong wa yona! Iseraele ga a itse, morafe wa me ga o lemoge.” A tatlhego wee ya setšhaba se se leofang, ya morafe wa molato o o makete, ya losika lwa badiradibe, ya bana ba ba senyang! Ba tlogetse Morena, ba nyatsa Moitshepi wa Iseraele, ba boela kwa morago. Lo sa ntse lo ka bediwa fa kae, ka lo ntse lo tlhanogela pele? Kana tlhogo yotlhe e botlhoko, pelo yotlhe e a lwala. Go tloga ka pato ya lonao go ya kwa tlhogong ga go na boitekanelo bope fa e se dintho le dingalo le dititeo tse dintšhwa. Ga di a tamolwa le e seng go fatšwa le e seng go rumafadiwa ka lookwane. Lefatshe le lona ke sekaka fela, metse ya lona e fisitswe ka molelo. Baeng ba ja tsa masimo a lona lo ntse lo ba lebile. Go sekaka fela, go tshwana le fa baeng ba ribegeditseng teng. Go setse morwadia Sione fela, o tshwana le mokgotshwana mo tshimong ya moweine le motlaagana mo tshimong ya diphare le motse o o dikanyeditsweng ke ntwa. Fa Morena wa masomosomo a ka bo a sa re tlogelela masalela a se kae, re ka bo re ntse jaaka Sotoma, re tshwana le Gomora. Lona balaodi ba Sotoma, utlwang Lefoko la Morena! Wena morafe wa Gomora, sekegela molao wa Modimo wa rona tsebe! “Ke tla reng ka bontsi jwa ditlhabelo tsa lona?” go bua Morena. “Ditlhabelo tse di fisiwang tsa diphelehu le mafura a dinamane tse di nontshitsweng di ntenne. Ga ke natefelwe ke madi a dipoo le a dikwana le a diphoko. E a re fa lo tla go bonala fa pele ga me, e be e le mang yo o batlileng tseo mo diatleng tsa lona? Ke go gataka malapa a me fela! Lo se ka lwa tlhola lo tlisa ditshupelo tsa boithamako – ke musi wa maila mo go nna! A ke ngwedi o o rogilweng, a ke Sabata, a ke go biletsa pitsong – ga ke kgone go itshokela boikepo le kgobokano ya moletlo. Mowa wa me o tlhoile mediro ya ngwedi o o rogilweng le meletlo ya lona; ke morwalo mo go nna, ke lapile go o rwala. “Le fa lo tsholetsa mabogo, ke tla lo bipela matlho; le fa lo ka ntsifatsa dithapelo, ga nkitla ke lo utlwa; gonne diatla tsa lona di tletse madi. Tlhapang lo itsheke; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me, lo bake go dira bosula. Ithuteng go dira tse di molemo, batlang tshiamo, thusang yo o gateletsweng, siamisetsang lesiela, emelang motlholagadi mo tshekong. “Tlayang he, a re sekisanyeng,” go bua Morena: “Le fa dibe tsa lona di hubitse jaaka madi, di tla sweufala jaaka semathana; le fa e le tse dikhibidu jaaka letsoku, di tla nna jaaka boboa jwa nku. Fa lo rata go nkutlwa, lo tla ja molemo wa lefatshe. Mme fa lo gana, lo ganetsa, lo tla jewa ke tšhaka; gonne molomo wa Morena o buile jalo.” Kana motse o o neng o ikanyega o fetogile seaka jang ne! O ne o tletse tshiamo, molao o agile mo go ona, mme jaanong – ke babolai fela! Selefera ya gago e fetogile manyela, weine ya gago e tlhakantswe le metsi. Dikgosana tsa gago ke baferetlhi, ke balekane ba magodu; ba rata thelesetso botlhe, ba tsoma tuelo; ga ba siamisetse lesiela, kgang ya motlholagadi ga ba e amogele. Ke ka moo go buang Morena, Morena wa masomosomo, Senatla sa Iseraele, a re: “Ahee! Ke tla gomotsega ka go betsa ba ba nkganetsang, ke rata go ipusolosetsa mo babeng ba me! Ke rata go busetsa letsogo la me kwa go wena, ke go itshekisa, ke tlosa manyela a gago jaaka ka molora, ke tlosa llota yotlhe ya gago. Ke rata go go naya baatlhodi gape jaaka gale le banna ba lekgotla jaaka mo tshimologong. Morago ga moo o tla bidiwa Motse wa tshiamo le Motse o o ikanyegang.” Sione o tla gololwa ka tshekiso, le ba ba tlhabologileng ba teng ka tshiamo. Mme baikepi le baleofi ba tla robaganngwa; ba ba tlogelang Morena ba tla nyelela. Gonne lo tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya ditlhare tsa metherebinthe tse di lo kgatlhang; lo tlhajwa ke kgala ka ntlha ya masimo a a lo natefelang. Gonne lo tla nna jaaka setlhare sa motherebinthe se matlhare a sona a swabileng; lo tshwana le tshimo e e se nang metsi. Seganka se tla nna kgobati, tiro ya sona e nne tlhase; di tla šwa ka bobedi jwa tsona mmogo, go se yo o timang. Lefoko le Jesaya, morwa Amotse, o le bonyeng ka ga Juta le Jerusalema ke le: E tla re mo malatsing a bofelo thaba ya Ntlo ya Morena e bo e tlhomame, e okame dithaba, e godisitswe kwa godimo ga dithabana; ditšhaba tsotlhe di tla phuthegela kwa go yona. Merafe e mentsi e tla nanoga e re: “Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya Morena, kwa Ntlong ya Modimo wa Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tle re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa kwa Sione, Lefoko la Morena le tswa kwa Jerusalema.” O tla seka mo gare ga ditšhaba, a siamisa merafe e mentsi. Foo ba tla thula ditšhaka tsa bona megoma, ba fetola marumo a bona disekele. Setšhaba ga se nke se somole tšhaka go tlhabana le se sengwe. Ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tlhabano. Ba ntlo ya ga Jakobe, tlayang a re tsamaeng mo leseding la Morena! Fela o latlhile morafe wa gago, e leng ba ntlo ya ga Jakobe; gonne ba tletse mereo ya boloi e e tswang kwa botlhabatsatsi, le baroka jaaka Bafelesita; ba utlwana le bana ba baeng. Lefatshe la bona le tletse selefera le gouta, mme mahumo a bona ga a fele; lefatshe la bona le tletse dipitse, mme dikoloi tsa bone tsa ntwa ga di fele. Lefatshe la bona le tletse medimo ya diseto. Ba obamela tiro ya diatla tsa bone tse di dirilweng ke menwana ya bone. Foo go inama motho, go ikokobetsa monna. O se ka wa ba itshwarela! Tsena mo mafikeng, o iphitlhe mo mmung ka ntlha ya poitshego ya Morena le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa gagwe. Matlho a a ikgodisang a motho a tla kokobediwa; bogolo jwa banna bo tla obiwa. Morena o tla bo a le mogolo a le esi fela ka letsatsi leo. Gonne Morena wa masomosomo o beile letsatsi la go busolosa boikgantsho le boikgogomoso jotlhe le boikgodiso jotlhe gore di kokobediwe; letsatsi la go rema mesetere yotlhe ya Lebanone e meleele e e tumileng, le ditlhare tsotlhe tsa eike tsa Basane; letsatsi la go kokobetsa dithaba tsotlhe tse di godileng le dithabana tsotlhe tse dikgolwane; la go rutla dikago tsotlhe tse di godimo le dipota tsotlhe tsa phemelo; la go senya mekoro yotlhe ya Tharesise le dilo tsotlhe tse di eletsegang mo matlhong. Boikgodiso jwa motho bo tla obiwa, boikgogomoso jwa banna bo tla kokobediwa. Morena o tla bo a le mogolo a le esi fela ka letsatsi leo. Mme medimo ya diseto e tla nyelelela ruri. Mme ba tla tshabela mo meoleng ya majwe le mo mesimeng ya lefatshe ka ntlha ya poitshego ya Morena le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa gagwe, mogang a tsogang go tshosa lefatshe. Ka letsatsi leo batho ba tla latlha medimo ya selefera ya bone le medimo ya gouta ya bone e ba e itiretseng gore ba e obamele; ba e latlhela dirunya le bomamathwane gore ba tshabele mo dipharong tsa mafika le mo dikgageng tsa ona ka ntlha ya poitshego ya Morena le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa gagwe, mogang a tsogang go tshosa lefatshe. Jaanong se ikanyeng motho yo go leng mowa mo nkong ya gagwe; kana o ka kaiwa eng? Gonne bonang, Morena, Morena wa masomosomo, o tla tlosa seitsetsepelo le seitshegetso mo Jerusalema le Juta, seiphediso sotlhe sa bogobe le seiphediso sotlhe sa metsi; a tlosa mogale le motlhabani le moatlhodi le moporofeti le moitseanape le monna mogolo le molaodi wa ba le somatlhano le motlotlegi le monna wa lekgotla le setswerere le yo o tlhalefetseng mereo ya boloi. Ke tla dira basimane dikgosana tsa bone; basimane ba tla ba busa ka bogosi jwa moraka. Batho botlhe ba tla bogisanya, mongwe le mongwe a bogisa mongwe-ka-ene; yo mošwa a omanya yo mogolo, monyatsegi a tlhaba motlotlegi ka mafoko. Jaanong fa motho a tshwara morwa-rraagwe mo ntlong ya ga rraagwe a re: “O na le kobo, nna molaodi wa rona; a thotobolo e, e busiwe ke wena,” ene o tla fetola ka letsatsi leo a re: “Ke palelwa ke go nna moalafi, go se bogobe, go se kobo mo ntlong ya me. Lo se ka lwa ntira molaodi wa morafe!” Ee, Jerusalema o wele, Juta o namaletse fa fatshe; gonne ba kgatlhanong le Morena ka diteme tsa bone le ka ditiro tsa bone gore ba ganetse matlho a kgalalelo ya gagwe. Matepe a difatlhego tsa bona a a ba supa. Ba bolela maleo a bone jaaka ba Sotoma, ba sa a lobe. A tatlhego wee ya mewa ya bone! Gonne ba itirela bosula. Buang lo re: “Basiami ba tla phela sentle, gonne ba tla ja maungo a ditiro tsa bone.” A tatlhego ya moikepi wee! O tla nna mo botlhokong, gonne o tla welwa ke tse a di dirileng ka diatla tsa gagwe. Balaodi ba morafe wa me ke basimane ba ba matepe, basadi ba a o busa. Morafe wa me! Baeteledipele ba gago ba a go timetsa, ba dubakanya tsela e o ka bong o sepela ka yona. Morena o tsogetse go seka; o eme gore a atlhole merafe. Morena o tsena mo tshekong le bagolo ba morafe wa gagwe le dikgosana tsa ona a re: “Lona lo fudile tshimo ya moweine. Tse di thukhuthilweng mohumanegi di mo matlong a lona. Lo dirwa ke eng fa lo gataka morafe wa me jaana, lo tšhwetlakanya difatlhego tsa batlhaki?” go bua Morena, Modimo wa masomosomo. Morena o bile a re: “E re ka bomorwadia Sione ba ikgantsha, ba tsamaya ba gagamaditse melala, ba gadimagadima kwa le kwa, ba tsamaya ba ntse ba thetha, ba tsirinya mefiri ya maoto, ke gona ka moo Morena o tla betsang diphogo tsa bomorwadia Sione ka motshwa; Morena o tla bipolola ditlhong tsa bone.” Ka letsatsi leo Morena o tla tlosa mekgabo ya mefiri ya maoto le ya ditilwane le ya dingwedinyana le manyena a ditsebe le mefitshane ya mabogo le masire le dipuane le dikeetane tsa maoto le meitlamo le digwana tsa makga le dipheko le dipalamonwana le manyena a dinko le diaparo tsa mekgabo le mesese e e phuphuthang le merepo le dikgwatlha le diiponi le dihempe le dituku tse di thathelwang mo tlhogong le masire a magolo. Mme go tla nna sebodu boemong jwa setlolo se se nkgang monate, le kgole boemong jwa moitlamo, le lefatla boemong jwa moriri o o logilweng, le lesela la kgetse boemong jwa kobo e ntle, le lobadi lwa molelo boemong jwa bontle. Banna ba gago ba tla wa ka tšhaka, le bagale ba gago mo ntweng. Dikgoro tsa Sione di tla lela, di hutsafala; o tla nna fela e le matlotla. Ka letsatsi leo basadi ba supa ba tla tshwara monna a le mongwe ba re: “Re tla ja dijo tsa rona, re apara diaparo tsa rona, fela a re ke re bidiwe ka leina la gago gore o tlose kgobo ya rona.” Ka sebaka seo letlhogela la Morena e tla nna mokgabo le kgalalelo; leungo la lefatshe e tla nna bogolo le bontle jwa Baiseraele ba ba falotseng. Jaanong masalela a a mo go Sione le ba ba setseng mo Jerusalema ba tla bidiwa baitshepi, e leng mongwe le mongwe wa Jerusalema yo o kwadilweng gore a tle a bone bophelo; fa Morena a sena go tlhapisa bomorwadia Sione maswe le go gogola melato ya madi ya Jerusalema le go e tlosa teng ka Mowa wa tshekiso le ka Mowa wa nyeletso. Morena o tla dira leru le musi motshegare, le phatsimo ya molelo o o tukang bosigo godimo ga dikago tsotlhe tsa thaba ya Sione le godimo ga diphuthego tsa yona. Gonne tshireletso e tla nna teng godimo ga tsotlhe tse di galalelang. Moriti wa leobo o tla nna teng motshegare wa go tshaba mogote wa letsatsi le wa go tshabela teng le go itshireletsa teng mo sefakong le mo puleng. A ko lo ntese ke opelele moratiwa wa me, ke opele sefela sa tsala ya me ka ga tshimo ya moweine ya gagwe: Moratiwa wa me o ne a na le tshimo ya moweine mo mmotong wa mmu o o bogale. A e lema, a olola matlapa, a tlhoma dithupana tsa moweine tse di tlhaotsweng mo go yona; a ba a aga serala mo gare ga yona, le gona a gaba segatelo mo go yona, a nna a lebelela a re: E tla ungwa maungo a a monate; mme ya ungwa masitlha a a botlha fela. Jaanong, baagi ba Jerusalema le banna ba Juta, a ko lo atlhole gare ga me le tshimo ya me ya moweine! Kana go ka bo go dirilwe eng gape mo tshimong ya moweine ya me se ke sa se dirang mo go yona? Ntlhaang ke ne ke lebeletse gore e tla ungwa maungo a a monate, mme e ungwile masitlha a a botlha fela? Jaanong he, ke rata go lo itsise se ke tla se dirang ka tshimo ya me ya moweine: Ke tla tlosa logora lwa yona gore e nne mafulo, ke diga lorako lwa yona gore e gatakwe. Ke tla e senyetsa ruri, e se ka ya tlokotlwa, e se ka ya tlhagolwa, mme go tlhoge mesu le ditshetlho teng. Ke tla laola maru gore a se ka a e nesetsa pula. Gonne tshimo ya moweine ya Morena wa masomosomo ke ntlo ya Iseraele; ditlhatshana tse di mo natefelang ke banna ba Juta. O na a lebeletse tshiamo, mme a fitlhela tshokamo; a letetse tshiamiso, mme a fitlhela selelo. A tatlhego ya bone wee ba ba tlhomaganyang ntlo le ntlo, ba oketsa tshimo ka tshimo, go tsamaya naga e be e felelele, mme lona lo itire beng ba lefatshe lo le losi fela. Morena wa masomosomo o buile mo ditsebeng tsa me a re: “Ruri, matlo a mantsi a tla fetoga matlotla; a magolo le a mantle a tla nna fela a se na ope. Gonne ditema tsa malatsi a le some tsa tshimo ya moweine di tla ungwa kgamelo e le nngwe fela; fa go jwetsweng kgetse ya peo, go tla kotulwa tlatlana fela.” A tatlhego ya bone wee ba ba phakelelang go batla bojalwa, le ba ba nnetseng weine e e ba tlhapelang go ya gareng ga bosigo. Go na le kwadi le setinkane le moropa le lotlhaka le weine mo matlhapelweng a bone, mme tiro ya Morena ga ba e tlhokomele; tirafatso ya diatla tsa gagwe ga ba e lemoge. Ka ntlha ya moo morafe wa me o tla ya mo botshwarong ka ntlha ya go tlhoka kitso; batlotlegi ba ona ba tla swa ka tlala, batlhodi ba ona ba bolawa ke lenyora. Ka ntlha ya moo felo ga baswi go atlhamolositse legano la gona; go atlhamisitse molomo wa gona go feta tekanyo gore go wele teng batlotlegi ba Jerusalema le ba e leng batho fela ba teng, ba ba tlhodiang gona le ba ba duduetsang teng. Foo motho o tla inamisiwa, monna a kokobediwa, matlho a ba ba ikgodisang a tla gagabisiwa fa fatshe. Mme Morena wa masomosomo o tla nna mogolo ka katlholo; Modimo o o boitshepo o tla itshupa o le boitshepo ka tshiamo. Foo dikwanyana di tla fula teng e le mafulo a tsona; dipotsane di tla fula mo matlotleng a bahumi. A tatlhego ya bone wee ba ba gogang tshiamololo ka megala ya boikepo, le boleo jaaka e kete ka dikgole tsa koloi; ba ba reng: “A a itlhaganele, a akofise tiro ya gagwe gore re e bone; a boikaelelo jwa Moitshepi wa Iseraele bo atamele, bo dirafale gore re bo itse!” A tatlhego ya bone wee ba ba bitsang bosula molemo, le molemo bosula; ba ba fetolang lefifi lesedi, le lesedi lefifi; ba ba fetolang bogalaka botshe, le botshe bogalaka! A tatlhego ya bone wee ba ba iponang botlhale, ba ba ikayang batlhalefi! A tatlhego ya bone wee ba e leng diganka mo go nweng weine, le bagale mo go tlhakanyeng majalwa; ba ba atlholelang moikepi ka ntlha ya thelesetso, ba ba tseelang mosiami se e leng tshiamelo ya gagwe! Ke gona ka moo modi wa bone o tla bolang, sethunya sa bone se tla tlhatloga e le lerole, jaaka kgabo ya molelo e ja dirite le jaaka tlhaga e kokobelela mo molelong; gonne ba latlhile molao wa Morena wa masomosomo, ba nyatsa lefoko la Moitshepi wa Iseraele. Ke ka moo bogale jwa Morena bo tuketseng morafe wa gagwe, a ba otlololela letsogo, a ba otla, mo dithaba di bileng tsa roroma, mo ditoto tsa bone di bileng tsa nna teng jaaka matlakala mo mebileng. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile. Gonne o tla emisetsa ditšhaba tse di kwa kgakala sefoka, a bitsa setšhaba ka molodi kwa bokhutlong jwa lefatshe. Bonang, ba tla akofa, ba tla ka bofefo, go se yo o lapileng, go se yo o kgopiwang mo go bona. Ga ba otsele, ga ba robale. Meitlamo ya matheka a bone ga e funologe; dikgole tsa ditlhako tsa bone ga di kgaoge. Metsu ya bona e looditswe, mara otlhe a bona a obilwe; ditlhako tsa dipitse tsa bona di thata jaaka matlapa, maotwana a dikoloi tsa bona a tshwana le ledimo. Tumo ya bona e tshwana le ya tau; ba duma jaaka ditawana. Ba tla rora, ba tshwara thopo, ba e tsaya fela go se yo o ka e gololang. Ba tla rora godimo ga Iseraele ka letsatsi leo jaaka go suma ga lewatle; mme motho o tla leba lefatshe, a fitlhela lefifi le tlalelo fela; lesedi le fifaditswe ke maru a lefatshe. E rile ngwageng o kgosi Usia o suleng ka ona, ka bona Morena, a ntse mo sedulong sa bogosi se segolo se se kwa godimo, mme meja ya kobo ya gagwe ya tlala ka Tempele. BoSerafime ba bo ba eme godimo ga gagwe, mongwe le mongwe a na le diphuka di le thataro; a ipipa sefatlhego ka tse pedi; a ipipa maoto ka tse pedi; a fofa ka tse pedi. Ba bitsanya ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Morena wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.” Ke fa metheo le direpodi di tshikinyega ka kodu ya yo o kuang, mme ntlo ya tlala musi. Foo ka bua ka re: “A tatlhego ya me wee, gonne matlho a me a bonye kgosi, Morena wa masomosomo; ke a nyelela, ka ke le motho wa molomo o o maswe; ke bile ke agile mo gare ga morafe o o melomo e maswe.” Ke fa mongwe wa boSerafime a fofela kwa go nna, a tshotse legala la molelo ka seatla, a le ogotse mo aletareng ka letlao, a le amisa molomo wa me a re: “Bona, legala le, le amile molomo wa gago; jaanong molato wa gago o tlogile, boleo jwa gago bo itshwaretswe.” Ka ba ka utlwa lentswe la Morena le re: “Ke tla roma mang? Ke mang yo o tla re elang?” Ka re: “Ke fano, nthome!” A ba a re: “Yaa o ree morafe o o re: ‘Go utlwa lo tla utlwa, mme ga lo kitla lo tlhaloganya! Go bona lo tla bona, mme ga lo kitla lo lemoga!’ Thatafatsa dipelo tsa morafe o, o thibe ditsebe tsa ona, o foufatse matlho a ona gore o se bone ka matlho, o se ka wa utlwa ka ditsebe, mme dipelo tsa ona di se ka tsa lemoga, gore o se ka wa tlhabologa, wa fodisiwa.” Ka ba ka re: “Go fitlhelela leng, Morena?” A re: “Go tsamae metse e senyege, e tlhoke moagi, matlo a tlhoke motho, masimo a nne matlhagare fela; Morena a tlosetse batho kwa kgakala, matlotla e nne a mantsi mo lefatsheng. Le fa go ka sala a le mongwe mo go ba ba lesome, le ene o tla senyega. Go tla nna jaaka mogotlho gongwe motswere, o e a reng o remilwe, go sale thito. Thito ya ona ke losika lo lo boitshepo.” Mo metlheng ya ga Ahase, morwa Jothame, morwa Usia, kgosi ya Juta, ga bolola Resine, kgosi ya Siria, a ya kwa motseng wa Jerusalema go tlhabana le ona, a na le Pheka, morwa Remalea, kgosi ya Iseraele, mme a se ka a kgona go tlhabana le ona. Jaanong ba ntlo ya ga Dafita ba begelwa ga twe: “Basiria ba thibeletse kwa Eferaime.” Ke fa pelo ya ga Ahase e tetesela le dipelo tsa morafe wa gagwe jaaka ditlhare tsa sekgwa di tshikinngwa ke phefo. Mme Morena a raya Jesaya a re: “Tswaya tlhe o kgatlhantshe Ahase, wena le morwao Seare-Jašube, kwa mosele wa metsi a letsha le le kwa godimo o felelelang teng, fa tseleng ya motlhatswi wa masela, o mo ree o re: ‘Itise o iketle, o se ka wa tshaba; a pelo ya gago e se ka ya boifa metswaiso e mebedi e, e e kuang musi fela, e leng bogale jo bo tukang jwa ga Resine le Basiria le jwa morwa Remalea! E re ka Basiria ba go logetse maano a a bosula, ba na le Eferaime le morwa Remalea ba re: A re bololeng, re ye kwa lefatsheng la Juta, re le tshose, re le ithopele, re tle re bee morwa Tabeele kgosi mo go lone: “ ‘Morena Modimo o bua jaana a re: Ga go ka ke ga nna jalo, le e seng go dirafala. Gonne tlhogo ya Siria ke Damaseko, tlhogo ya Damaseko ke Resine. Mme e tla re dinyaga di le 65 di sena go feta, Baeferaime ba bo ba thubakantswe, e sa tlhole e le morafe. Tlhogo ya Eferaime ke Samaria, tlhogo ya Samaria ke morwa Remalea. “ ‘Fa lo sa dumele, ga lo ka ke lwa tlhomama.’ ” Morena a bua le Ahase gape a re: “Ikopele sesupo mo go Morena, Modimo wa gago, le fa e le se se tswang kwa tlase felong ga baswi, gongwe se se tswang kwa godimo bogodimong.” Mme Ahase a re: “Ga ke rate go se kopa, e se re gongwe ka bo ke leka Morena.” Ke fa Jesaya a re: “Lona ba ntlo ya ga Dafita, reetsang! A ga go ise go lo lekane go lapisa batho, ka lo sa ntse lo lapisa Modimo wa me le ona? Ka ntlha ya moo Morena ka esi o tla lo naya sesupo: Bonang, lekgarebe le tla nna moimana, le belega ngwana wa mosimane, le mo taya leina la Imanuele. O tla ja madila le dinotshe go tsamaya a be a itse go latlha tse di bosula le go tlhopha tse di molemo. Gonne e tla re mosimane a ise a itse go latlha tse di bosula le go tlhopha tse di molemo, lefatshe le ò tshabang dikgosi tse pedi tsa lone, le bo le tlogetswe. “Mme wena le morafe wa gago le ntlo ya ga rraago Morena o tla lo tlisetsa malatsi a a iseng a ke a tle go tloga ka letsatsi le Eferaime o kgaoganyeng le Juta ka lone: A a tlisa ka kgosi ya Asiria. “Mo motlheng oo Morena o tla bitsa diboba tse di kwa bokhutlong jwa dinoka tsa Egepeto ka molodi le dinotshe tse di kwa lefatsheng la Asiria gore di tle tsotlhe, di thibelele mo melapong ya megorogoro le mo dipharong tsa mafika, le mo ditlhareng tsotlhe tse di mitlwa, le mo mafelong otlhe a go nosiwang teng. “Mo motlheng oo Morena o tla beola tlhogo le maboa a maoto, a tlosa ditedu le tsona ka logare lo lo adimilweng kwa moseja ga noka ya Ferathe, e bong kgosi ya Asiria. “Ka sebaka seo motho o tla bo a ruile kgomo ya moroba e le nngwe le dinku di le pedi fela. Mme o tla ja madila ka ntlha ya bontsi jwa mašwi a o a bonang; gonne botlhe ba ba tlogetsweng mo lefatsheng ba tla ja madila le dinotshe. “Ka sebaka seo felo gongwe le gongwe, fa go neng go le ditlhare tsa meweine tse kete, tse tlhwatlhwa ya tsona e leng diselefera tse kete, go tla tlhoga mesu le ditshetlho. Go tla iwa teng ka metsu le bora; gonne lefatshe lotlhe le tla bo le tletse mesu le ditshetlho fela. Ga go nke go tlhola go iwa kwa dithabeng tsotlhe tse di neng di tlhagolwa ka dipetlwana ka ntlha ya go boifa mesu le ditshetlho. E tla nna mafulo a dikgomo le magatako a dinku.” Morena a ba a nthaya a re: “Tsaya letlapa le legolo, o kwale mo go lone ka sekwadi sa batho o re: ‘Thukhutho-e-bobebe, Thopo-e-bonako.’ Mme ke rata go tsaya basupi ba ba ikanyegang, e leng moperesiti Uria le Sagaria, morwa Jeberegia.” Jaanong ka atamela moporofeti wa sesadi, a nna moimana, a belega ngwana wa mosimane. Ke fa Morena a nthaya a re: “Mmitse Thukhutho-e-bobebe, Thopo-e-bonako. Gonne e tla re pele mosimanyana a ise a itse go bitsa a re: ‘Rra!’ gongwe: ‘Mma!’ khumo ya Damaseko le thopo ya Samaria di isiwe kwa kgosing ya Asiria.” Morena a tswelela, a bua gape le nna a re: “E re ka morafe o, o nyatsa metsi a Šiloa a a elang a iketlile, o boifa Resine le morwa Remalea, ka moo, bonang, Morena o tla ba tlhatlosetsa metsi a a thata a mantsi a noka – e leng kgosi ya Asiria le kgalalelo yotlhe ya yona – a tla tlhatlogela godimo ga melatswana yotlhe ya yona, a penologa ka dintshi tsotlhe tsa yona. A tla elelela kwa Juta, a aletsa naga, a e ralala, a fitlha molaleng, a ba a phutholola diphuka tsa ona gore a tlatse boatlhamo jwa lefatshe la gago, Imanuele.” Lemogang, lona merafe, lo tla nyema moko; sekegang tsebe, lona lotlhe ba mafatshe a a kgakala, itlameng, mme lo tla nyema moko; ee, itlameng, mme lo tla nyema moko. Logang maano, mme a tla nyelediwa! Buang lefoko, mme ga le ka ke la tlhomama! Gonne Modimo o na le rona! E rile seatla sa Morena se ntshwara, mme a ntlhagisa gore ke se ka ka tsamaya mo tseleng ya morafe o, Morena a bua jaana le nna a re: “Lo se ka lwa bitsa tse tsotlhe borukhutlhi tse morafe o, o di bitsang borukhutlhi! Lo se ka lwa boifa se o se boifang, lo se ka lwa tshoga! Morena wa masomosomo lo mo kayeng a le boitshepo, lo mmoife, lo mo tshoge. Foo o tla nna felo ga boitshepo mo go lona, le letlapa le le kgopang le lefika le le digang mo magosing a mabedi a Iseraele; a ba a nna letloa le seru mo baaging ba Jerusalema. Ba le bantsi ba bone ba tla kgotšwa, ba wa, ba pšhwetlakanngwa, ba thaisiwa, ba tshwarwa.” Ke rata go bolokela barutwa ba me tshupo le go kana thuto ka bone. Ke tla lebelela Morena yo o fitlhetseng ntlo ya ga Jakobe sefatlhego, ke solofela mo go ene. Bonang nna le bana ba Morena o ba mphileng, Morena wa masomosomo yo o agileng mo thabeng ya Sione; o re dirile go nna ditshupo le dikgakgamatso mo Iseraeleng. Mme e re ba lo raya ba re: “Botsang badimo le baitseanape ba ba dumadumang, ba bolela tse di sa utlwaleng” – lo re: “A batho ga ba na go botsa Modimo wa bone? Kampo a go ka kopiwa baswi gore ba thuse ba ba phelang?” “Tlhokomelang thuto le tshupo! Fa ba sa bue ka fa lefokong le, ga ba nke ba bona mahube.” Mme ba tla ya le naga, ba gateletswe, ba bolailwe ke tlala. Jaanong e tla re ba tshwerwe ke tlala, ba ngale, ba rogake kgosi ya bone le Modimo wa bone, ba lelale, ba be ba lebe lefatshe, mme ba tla fitlhela tlalelo le lefifi fela, ba leleketswe mo bontshong le mo pitlaganong le mo lefifing. Mme lefifi ga le nke le nnela ruri, fa tlalelo e leng teng jaanong. Mo metlheng ya pele o dirile lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetale le le nyatsegang, mme mo metlheng e e tlang o tla tlotla tsela e e yang kwa lewatleng le boseja jwa Joretane le Galelea wa ditšhaba. Batho ba ba sepelang mo fifing ba bonye lesedi le legolo; ba ba agileng mo lefatsheng la moriti wa loso, lesedi le ba phatsimetse. Ò ntsifaditse meduduetso, ò godisitse boitumelo; ba thabile fa pele ga gago jaaka go itumelelwa thobo; ba duduetsa jaaka fa go abelanwa thopo. Gonne ò robile joko e e neng e ba imela, le thupa e e neng e otla magetla a bone le thobane ya mopatiki wa bone jaaka mo letsatsing la Midiane. Gonne ditlhako tsotlhe tsa batlhabani tse ba tsamayang ka tsona di tlhodia, le dikobo tse di bidikantsweng mo mading di tla fisiwa, di jewa ke molelo. Gonne ngwana re mo tsaletswe, morwa re mo neilwe, mme puso e tla nna mo legetleng la gagwe, mme o tla bidiwa “Mogakolodi yo o gakgamatsang, Modimo o o thata, Rara yo o sa khutleng, Kgosi ya kagiso;” gore a godise puso, mme kagiso e se ka ya fela mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le mo bogosing jwa gagwe, gore a bo tlhomamise le go bo tshegetsa ka tshiamo le ka tshiamiso go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya Morena wa masomosomo e tla dirafatsa jalo. Morena o rometse lefoko kwa go Jakobe, la fitlha mo go Iseraele, mme morafe otlhe o tla le itse, e bong Eferaime le baagi ba Samaria, ba ba buang ka pelafalo le ka boikgodiso jwa pelo ba re: “Diekana tse di besitsweng di wele, mme re tla ba re aga ka majwe a a betlilweng; megokare e remilwe, mme re tla tlhoma mesetere mo boemong jwa yona.” Mme Morena o tla nonotsha mephato ya ga Resine gore e ba fenye; o tla tlhotlheletsa baba ba bone. Basiria ba tla tswa kwa botlhabatsatsi, Bafelesita ba tswa kwa bophirimatsatsi, ba ja Iseraele ka magano a a atlhameng. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile. Mme morafe ga o sokologele kwa go yo o ba betsang; Morena wa masomosomo ga ba mmatle. Mme Morena o tla nyeletsa tlhogo le mogatla, kala ya mokolane le motlhatlha mo Iseraeleng ka letsatsi le le lengwe. Banna ba bagolo le batlotlegi ke bone tlhogo; baporofeti le baruti ba maaka ke bone mogatla. Bagogi ba morafe o, ba fetogile batimetsi; bagogwi ba ona ke ba ba latlhegang. Ke gona ka moo Morena a sa itumeleleng makau a bone, a sa utlwele masiela le batlholagadi ba bone botlhoko; gonne botlhe ke baikepi le basenyi fela. Melomo yotlhe e bua bosilo fela. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile. Gonne boikepo bo tuka jaaka molelo o o jang mesu le ditshetlho; bo tshuba dikhu, di be di tlhatloga e le dipinagare tsa musi. Bogale jwa Morena wa masomosomo bo tshubile molelo, morafe e kete o jewa ke molelo; ga go ope yo o rekegelang mongwe-ka-ene. Ba tla natha ntlheng ya le le jang, mme ba ntse ba bolawa ke tlala; ba ja ntlheng ya la molema, mme ba sa kgore. Mongwe le mongwe o tla ja nama ya letsogo la gagwe. Manase o tla ja Eferaime, Eferaime a ja Manase, mme ba babedi bao ba ja Juta mmogo. – Le fa go ntse jalo bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile. A tatlhego ya bone wee ba ba bayang melao e e sa siamang, le ya bakwaledi ba ba ntseng ba kwala tse di lapisang gore ba thibele tshiamelo ya ba ba kwa tlase, ba amoge se se tshwanetseng bakaelelelwi ba morafe wa me; gore batlholagadi e nne thopo ya bone, mme ba thukhuthe masiela. Lo tla dirang ka letsatsi la petso le la tshenyo e e tswang kgakala? Lo tla tshabela kwa go mang go bona thuso? Khumo ya lona lo tla e tlogela kae? Ga lo na go dira sepe fa e se go ikokobetsa mmogo le batshwarwi, le go wela mo go ba ba bolailweng. Le fa go ntse jalo bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile. “A tatlhego ya Asiria wee! Ke thupa ya bogale jwa me. Thobane ya kgakalo ya me e mo diatleng tsa bone. Ke tla mo roma gore a lwe le setšhaba sa boikepo; ke mo laola go tlhabana le morafe o ke o galefetseng gore a thope thopo, a thukhuthe thukhutho, a ba gatake jaaka go gatakwa seretse sa mebila.” Mme ene ga a re jalo, pelo ya gagwe ga e ikaelele jalo, mme pelo ya gagwe e re, ke tla senya ditšhaba tse dintsi, ke di nyeletsa. Gonne a re: “Dikgosana tsa me tsotlhe a ga se dikgosi? Kaleno a ga o a thopiwa jaaka Karekemiše, le Hamathe jaaka Arephate, le Samaria jaaka Damaseko? Fa seatla sa me se thopile magosi a medimo e sele, a medimo ya diseto ya ona e phalang ya Jerusalema le ya Samaria ka bontsi, ga ke re, ke tla itse go direla Jerusalema le medimo ya diseto ya teng jaaka ke diretse Samaria le medimo e sele ya gona!” Mme e tla re fa Morena a sena go fetsa tiro yotlhe ya gagwe mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema, a betse leungo la boikgodiso jwa pelo ya kgosi ya Asiria, le boikgantsho jwa matlho a gagwe a a ipelafatsang. Gonne o ne a re: “Ke dirile jalo ka thata ya letsogo la me le ka botlhale jwa me, gonne ke tlhalefile; ke tlositse melelwane ya merafe, ka thopa dithoto tsa bone, ka folosa ba ba ntseng mo ditulong tsa bogosi, ka ke le senatla. Seatla sa me se bonye mahumo a merafe jaaka sentlhaga sa nonyane; ka phutha lefatshe lotlhe jaaka go phuthwa mae a a tlogetsweng, go se yo o tshikinyang lefuka, go se yo o atlhamisang molomo, go se yo o lelang.” A selepe se ka ikgantshetsa yo o remang ka sona? A šage e ka ikgodisetsa yo o e gogang? Kana thupa ga e ka ke ya kgadikanya yo o e tshwereng; thobane ga e ka ke ya tsholetsa yo e seng logong. Ka ntlha ya moo, Morena, Morena wa masomosomo, o tla romela lehuma mo go ba ba akotseng ba gagwe; mme o tla fisa boikgalaletso jwa gagwe jaaka ka molelo. Lesedi la Iseraele e tla nna molelo, Moitshepi wa gagwe e tla nna kgabo e e fisang le go ja mesu ya gagwe le ditshetlho tsa gagwe ka letsatsi le le lengwe. O tla fedisa kgalalelo ya sekgwa sa gagwe le tshimo ya maungo ya gagwe gotlhegotlhe, mowa le mmele, jaaka molwetse yo o koafalelang pele. Ditlhare tse di setseng tsa sekgwa sa gagwe di ka balwa, di ka kwalwa ke mosimanyana. Mo metlheng eo masalela a Iseraele le ba ba falotseng ba ntlo ya ga Jakobe ga ba nke ba tlhola ba ikaega ka yo o ba beditseng, mme ba tla ikaega ka Morena, Moitshepi wa Iseraele, ka nnete. Masalela a tla boa, masalela a Jakobe a tla boela Modimong o o thata. Gonne le fa morafe wa gago, Iseraele, o ka lekana le motlhaba wa lewatle, go tla boa masalela a ona fela. Nyeletso e laotswe jalo; tshiamo e e tla jaaka morwalela. Gonne Morena, Modimo wa masomosomo, o tla dirafatsa nyeletso e e laoletsweng ruri mo lefatsheng lotlhe. Ke gona ka moo Morena, Modimo wa masomosomo, o buang jaana a re: “Lona morafe wa me ba lo agileng mo Sione, se boifeng Baasiria ba ba lo otlang ka thupa, ba tsholetsa thobane ya bona go lo itaya, jaaka go kile ga dira Baegepeto. Gonne e tla re sebakanyana se sena go feta, petso ya lona e bo e fedile, mme foo bogale jwa me bo tla ba tsogela go ba nyeletsa. Morena wa masomosomo o tla kgadikanya seitei godimo ga gagwe jaaka a kile a itaya Midiane kwa lefikeng la Orebe; o tla tsholeletsa lewatle thobane jaaka a kile a dira kwa Egepeto. Mo metlheng eo morwalo wa gagwe o tla tloga mo magetleng a gago le joko ya gagwe mo molaleng wa gago.” Mmaba o bolola kwa Samaria, a fitlha mo Ayathe, a ralala Migerone, a tlogela dithoto tsa gagwe kwa Migemase. Ba feta ka phata, ba lala kwa Geba. Rama o tshogile. Gibea wa ga gabo Saule o a tshaba. A selelo sa gago se utlwale, wena morwadia Galeme! Utlwelela, wena Laiša! Joo, Anathothe wa batho wee! Matemena o a falala, baagi ba Gebime ba a tshaba. O tla ema kwa Nobe e sa ntse e le kajeno; o tla tloga a tsholeletsa thaba ya morwadia Sione le thabana ya Jerusalema letsogo. Mme bonang, Morena, Morena wa masomosomo, o tla kgaola dikala ka thata e e tshosang; tse dikgolo di tla rengwa, tse di goletseng kwa godimo di digelwa fa fatshe. Go tla rengwa sekhu ka selepe; Lebanone o tla digwa ke seganka. Letlhogela le tla tlhoga mo kutung ya ga Isai; letlhogela le le tswang mo meding ya gagwe le tla ungwa. Mowa wa Morena o tla nna mo go ene, e bong Mowa wa botlhale le tlhaloganyo, Mowa wa kgakololo le thata, Mowa wa go itse le go boifa Morena. O tla natefelwa ke go boifa Morena. Ga a nke a atlhola ka fa matlho a gagwe a bonang ka teng, le e seng go siamisa ka fa ditsebe tsa gagwe di utlwang ka gona. Mme o tla atlholela ba ba kwa tlase ka tshiamo, a sekela ba ba pelonolo mo lefatsheng ka nnete; o tla itaya Morena yo o setlhogo ka thupa ya molomo wa gagwe, a bolaya moikepi ka mowa wa molomo wa gagwe. Tshiamo e tla nna moitlamo wa letheka la gagwe; boammaaruri e tla nna moitlamo wa dirope tsa gagwe. Phiri e tla etela kwanyana, nkwe e botha le potsane; namane le tawana le pholwana e e nonneng, mosimanyana o tla di disa mmogo. Kgomo le Bere di tla tsalana, bana ba tsona ba botha mmogo; tau e tla fula bojang jaaka kgomo. Lesea le tla tshameka fa mosimeng wa lebolobolo; yo o kgwisitsweng o tla tsenya seatla sa gagwe mo mosimeng wa mokwepa. Ga di nke di utlwisa botlhoko, le e seng go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo. Gonne lefatshe le tla bo le tletse go itse Morena, jaaka metsi a khurumetsa lewatle. Mo metlheng eo baheitane ba tla batla letlhogela la modi wa ga Isai le e leng sefoka sa merafe. Boago jwa gagwe bo tla galalela. Mo metlheng eo Morena o tla otlolola letsogo gape go rekolola masalela a morafe wa gagwe a a setseng kwa Asiria le kwa Egepeto le kwa Phatherose le kwa Ethiopia le kwa Elame le kwa Sineare le kwa Hamathe le kwa ditlhakatlhakeng tsa lewatle. O tla emisetsa ditšhaba sefoka, a phutha bomorwa Iseraele ba ba lelekilweng, a kgobokanya bomorwadia Juta ba ba faladitsweng, ba tswa ntlheng tse nne tsa lefatshe. Eferaime ga a tlhole a fufegelwa, ba ba pitlaganyang Juta ba tla nyelediwa. Eferaime ga a nke a fufegela Juta, Juta ga a nke a pitlaganya Eferaime. Ba tla fefogela kwa ntlheng ya bophirimatsatsi mo magetleng a Bafelesita; ba tla thukhutha bana ba botlhabatsatsi mmogo. Etomo le Moabe e tla nna thopo ya diatla tsa bone. Baamone ba tla laolwa ke bone. Morena o tla hutsa loleme lwa lewatle la Egepeto ka phefo e e bolelo ya gagwe; a kgadikanya letsogo godimo ga noka ya Ferathe, a e itaya gore e tswe dinokana tse supa, tse motho a ka di tshelang a rwele ditlhako. Masalela a morafe wa gagwe a a setseng kwa Asiria a tla bo a na le tsela e kgolo, jaaka Baiseraele ba ne ba na nayo mo metlheng e ba hudugileng kwa lefatsheng la Egepeto ka yona. Ka letsatsi leo o tla bua o re: “Morena, ke a go leboga! Gonne o ne o le bogale mo go nna, mme bogale jwa gago bo boile, o bile wa nkgomotsa. Bonang, Modimo ke pholoso ya me. Ke tla o ikanya, ke sa boife sepe. Gonne Modimo Morena ke thata ya me le sefela sa me, o bile o diregile pholoso ya me.” Lo tla gelela metsi ka boitumelo mo metsweding ya pholoso. Ka letsatsi leo lo tla bua lo re: “Lebogang Morena, bitsang leina la gagwe, itsiseng ditiro tsa gagwe mo merafeng, utlwatsang gore leina la gagwe ke le legolo. Opelelang Morena, gonne o dirile dilo tsa bonatla; a go itsiwe jalo mo lefatsheng lotlhe! Ipeleng lo duduetse, lona baagi ba Sione! Gonne Moitshepi wa Iseraele o mogolo mo gare ga lona.” Taelo ya Modimo ka ga Babele e Jesaya, morwa Amotse, o e bonyeng. Emisang sefoka mo thabeng e e iphotlhereng, lo ba tlhabele mokgosi, lo ba gwetlhe ka seatla gore ba tsene mo dikgorong tsa barena ba ba peloethata. Ke laotse baitshepi ba me, le gona ke biditse diganka tsa me gore di dirafatse bogale jwa me; ke ba ba dudueletsang borena jwa me. Utlwa! Go utlwala loratla mo dithabeng, lo tshwana le lwa morafe o mogolo; utlwa! Go utlwala modumo wa magosi, wa ditšhaba tse di phuthegileng. Morena wa masomosomo o epela ntwa batlhabani. Ba tswa lefatsheng le le kgakala, kwa mafelelong a magodimo, e leng Morena le didiri tsa bogale jwa gagwe gore ba senye lefatshe lotlhe. Bokolelang, gonne letsatsi la Morena le gaufi, le tla jaaka kgatelelo e e tswang mo go Mong-wa-thata-yotlhe. Ka moo diatla tsotlhe di tla repa; dipelo tsa batho botlhe di nyema. Ba tla rerega, metlotsedi le leralalo di ba tshwara, ba tlalelwa jaaka mosadi yo o belegang, ba lebana ba ntse ba tshogile, difatlhego tsa bone di hubitse jaaka dikgabo tsa molelo. Bonang, letsatsi la Morena le tla le le setlhogo, e le la kgalefo le bogale jo bo tukang go fetola lefatshe sekaka le go nyeletsa baleofi ba ba mo go lone. Gonne dinaledi tsa legodimo le Dikolobe tsa lone ga di nke di phatsimisa lesedi la tsona; letsatsi le tlhaba le fifetse; ngwedi ga o nke o ntsha lesedi la ona. “Ke tla betsa lefatshe ka ntlha ya bosula jwa lone, le baikepi ka ntlha ya maleo a bone; ke fedisa boikgantsho jwa ba ba pelompe, ke kokobetsa boikgodiso jwa barena ba ba setlhogo. Ke tla tlhokafatsa banna bogolo go gouta e ntlentle le batho go feta gouta ya Ofire. Ke gona ka moo ke tla reketlisang legodimo, gore lefatshe le be le rorome le tswe mo mannong a lone. Ke ka kgalefo ya Morena wa masomosomo mo letsatsing la go tuka ga bogale jwa gagwe. “Mongwe le mongwe o tla retologela kwa morafeng wa ga gabo, a tshabela kwa lefatsheng la ga gabo jaaka tshephe e e tshabisitsweng le jaaka dinku tse di se nang ope yo o di phuthang. Mongwe le mongwe yo o fitlhelwang o tla phololediwa; mongwe le mongwe yo o tshwarwang o tla wa ka tšhaka. Bana ba bone ba tla tšhwetlakanngwa fa pele ga matlho a bone; matlo a bone a tla thukhuthwa; basadi ba bone ba tla tlotlololwa. “Bonang, ke tla ba tsosetsa Bamedia, ba ba sa reng sepe ka selefera, ba ba sa kgatlhweng ke gouta. Mme mara a bone a tla digela makau fa fatshe; ga ba nke ba utlwela ithwalo ya sebopelo botlhoko; matlho a bone ga a nke a rekegela bana. Babele yo e leng bontle jwa magosi le mokgabo o Bakalatea ba ikgantshang ka ona o tla ribegediwa jaaka Modimo o ribegeditse Sotoma le Gomora. Ga go nke go nna motho teng ka bosakhutleng le e seng go aga teng mo ditshikeng tsotlhe. Moarabia ga a nke a tlhoma tente gona, badisa ga ba nke ba bothisa sepe teng. Dibatana tsa sekaka di tla botha teng, matlo a bone a tlala marubisi, bontšhwe ba tla nna gona, didimo tsa sekaka di bina teng. Matlhalerwa a tla lela mo matlong a borena a teng le diphokojwe mo dikagong tsa botlhapelwa. Sebaka sa gagwe se gaufi le go tla. Malatsi a gagwe ga a diege.” Gonne Morena o tla utlwela Jakobe botlhoko, a itlhaolela Iseraele gape, a ba nnisa mo lefatsheng la bone. Baeng ba tla ikopanya nabo, ba kgomarela ntlo ya ga Jakobe. Merafe e tla ba tsaya, e ba isa kwa mafelong a ga bone, mme Baiseraele ba tla ba rua mo lefatsheng la Morena e le batlhanka le malata; ba tla thopa bathopi ba bone, ba busa bagateledi ba bone. E tla re ka letsatsi le Morena a go lapolosang ka lone, a go ntsha mo tapisegong ya gago le mo tshwenyegong ya gago le mo botlhankeng jwa gago jo bo makete jo o neng o le mo go jona, o tlhabe sefela sa tshotlo ka ga kgosi ya Babele o re: “Kana o didimetse jang ne mogateledi! Kana kgatelelo e khutlile jang ne! Morena o robile thupa ya baikepi le thobane ya babusi ba ba pelompe; e e neng e itaya merafe ka kgakalo, e e otla, e sa khutle; e gatelela ditšhaba ka bogale, e ba latelela go se na thekegelo. Jaanong lefatshe lotlhe le a ikhutsa, le a lapologa, le a ipela. Mesiperese le yona e a go itumelela le mesetere ya Lebanone ya re: ‘E sa le o namalala, ga go tlhatlogele moremi ope kwano go rona.’ “Felo ga baswi kwa tlase go ne go huduega ka ntlha ya gago go go kgatlhantsha, fa o goroga. Go ne go tsosa baswi ka ntlha ya gago, e leng bagogi botlhe ba lefatshe; go emisa dikgosi tsotlhe tsa ditšhaba mo ditulong tsa tsone tsa bogosi. Tsa bua tsotlhe, tsa go raya tsa re: ‘Le wena o koafetse jaaka rona, jaanong o tshwana le rona. Boikgantsho jwa gago bo digetswe mo felong ga baswi mmogo le ditumo tsa diharepa tsa gago; sebodu se adilwe ka fa tlase ga gago, diboko di a go khurumetsa.’ “Kana o wele jang ne mo legodimong, wena naledi ya masa, morwa mahube! Kana o digetswe jang ne fa fatshe, wena mofenyi wa ditšhaba! Ee, wena o ne o itheile pelong ya gago wa re: ‘Ke tla tlhatlogela kwa legodimong, ke baya sedulo sa me godimo ga dinaledi tsa Modimo, ke nna mo thabeng ya kgobokano ya medimo kwa kgakala ntlheng ya bokone. Ke tla tlhatlogela kwa godimo ga maru, ke itekanya le Mogodimodimo. Mme o tla digelwa kwa felong ga baswi, kwa tlasetlase moleteng.’ “Ba ba go bonang ba tla go leba thata, ba go akanya ba re: ‘A ke ene monna yo o neng a roromisa lefatshe, a reketlisa magosi? Yo o neng a fetola lefatshe sekaka, a ribegetsa metse ya lone, a sa golole batshwarwi ba gagwe gore ba boele kwa gae?’ Dikgosi tsotlhe tsa ditšhaba di robetse ka tlotlo, nngwe le nngwe mo phupung ya yona. Ke wena o le wesi fela o latlhetsweng kwa kgakala le phupu ya gago jaaka letlhogela le le nyatsegang le jaaka setoto se se gatakwang; o khurumeditswe ke ba ba bolailweng, ba ba tlhabilweng ka tšhaka, ba ba latlhetsweng mo matlapeng a mosima. Ga o nke o kopana le tsona dikgosi mo phupung, gonne o sentse lefatshe la gago, o bolaile morafe wa gago; losika lwa mosenyi ga lo nke lo umakiwa ka go sa feleng. Baakanyetsang bana ba gagwe polao ka ntlha ya maleo a borraabo gore ba se ka ba tsoga, ba thopa lefatshe, ba le tlatsa metse.” Morena wa masomosomo o bua a re: “Ke tla ba tsogela, ke nyeletsa leina la Babele le masalela a teng, le bana le losika lotlhe lwa teng – ke lefoko la Morena. Ke tla go fetola naga ya ditlhong le madutela a metsi; ke tla go feela, ke go olola ka lefeelo la tshenyo – ke lefoko la Morena wa masomosomo.” Morena wa masomosomo o ikanne a re: “Ruri, go tla dirafala jaaka ke akantse; se ke se ikaeletseng se tla tlhomama. Ke tla phatlakanya Moasiria mo lefatsheng la me, ke mo gataka mo dithabeng tsa me gore joko ya gagwe e tloge mo melaleng ya bone le morwalo o a o ba rwesitseng o tloge mo magetleng a bone. Ke ona maikaelelo a a tiisitsweng ka ga lefatshe lotlhe. Ke lone letsogo le le otlololetsweng ditšhaba tsotlhe.” Gonne Morena wa masomosomo o ikaeletse jalo – ke mang yo o ka mo thibelang? Letsogo la gagwe le otlologile – ke mang yo o ka le busang? E rile ka ngwaga o kgosi Ahase o suleng ka ona ga tla taelo ya Modimo e e reng: “O se ka wa itumela, wena lefatshe lotlhe la Bafelesita, ka thupa e e go iteileng e robilwe! Gonne mo lotsong lwa noga go tla tswa mokopa; leungo la ona e tla nna kgwanyape e e fofang. Ba ba tlhokang thata ba tla bona mafulo, bahumanegi ba tla ikhutsa ba le mo phemelong. Mme losika lwa gago ke tla lo isa losong ka tlala, masalela a gago ke tla a bolaya. “Wena kgoro, bokolela! Wena motse, goa! Wena Lefatshe lotlhe la Bafelesita, tetesela! Gonne musi o tswa kwa bokone, mme ga go na ope yo o itsamaelang a le esi mo masomong a gagwe.” Barongwi ba setšhaba ba tla arabiwa jang? Ba tla arabiwa jaana: “Morena o theile Sione. Babogisegi ba morafe wa gagwe ba bona botshabelo teng.” Taelo ya Modimo ka ga Moabe. Ruri, motse wa Are o sentswe bosigo, Moabe a nyelediwa. Ruri, motse wa Kire o sentswe bosigo, Moabe a nyelediwa. Ba ya kwa tempeleng, ba Dibone ba tlhatlogela kwa dithoteng tsa tlhabelo go lela teng. Bamoabe ba goa mo godimo ga Nebo le mo godimo ga Meteba. Botlhe ba beotswe ditlhogo, ditedu tsotlhe di pomilwe. Ba apere diaparo tsa bohutsana mo mebileng ya bone, ba lela botlhe mo godimo ga matlo a bone le mo dipatlelong tsa bone, ba nnela go lela fela. Metse ya Hešebone le Eleale e a goa; dikodu tsa bone di utlwala go fitlha kwa Jahase. Ka ntlha ya moo bagale ba Moabe ba bokolela, dipelo tsa bone di tshogile. Pelo ya me e lelela Bamoabe. Batshabi ba bona ba fitlhile kwa Soare le kwa Egelathe. Ao! Ba tlhatloga ka mapalamo a Luhithe ka selelo. Ijoo! Ba goela tatlhego mo tseleng e e yang kwa Horonaime. Ijoo! Metsi a Nimerime a fetoga sekaka. Ijoo! Bojang bo a swaba, merogo e a fela, ga go tlhoge botala bope. Ka moo, tse ba di tshotseng le dikhumo tsa bona ba tla di tshedisa noka ya megokare. Ijoo! Go goa go utlwala mo nageng yotlhe ya Moabe; go bokolela ga bone go utlwala kwa Egelaime, go bokolela ga bone go utlwala kwa Bereleme. Ijoo! Metsi a Dimone a tletse madi. Gonne ke tla ba ke okeletsa Dimone tse dingwe: Ba ba falotseng ba Moabe le masalela a naga ke tla ba romela tau. Romelang mmusi wa lefatshe dikwana kwa thabeng ya morwadia Sione go tswa kwa Sela mo sekakeng. Bomorwadia Moabe ba tla nna jaaka dinonyane tse di tshabang le jaaka mamphorwana a sentlhaga a a tshositsweng, kwa matsibogong a Arenone. Ntsha kgakololo, o re tsereganye, moriti wa gago wa motshegare a o nne jaaka bosigo; suba ba ba lekilweng, se subolole motshabi! A balelekwa ba me ba Moabe ba nne le wena; o nne botshabelo jwa bone mo mosenying. E tla re fa mogateledi a khutlile, fa tshenyo e fedile, fa ba ba gatakang ba nyeletse mo lefatsheng, foo go tla bewa sedulo sa bogosi ka bopelonomi, mme moatlhodi o tla nna mo go sona mo ntlong ya ga Dafita ka boikanyo, yo o tlhokomelang molao, yo o tlhoafalelang tshiamo. Re utlwaletse boikgodiso jwa ga Moabe ga twe, o ikgantsha thata; e leng boikgogomoso jwa gagwe le boikgodiso jwa gagwe le kgalefo ya gagwe le maipelafatso a gagwe a maaka. Ka moo Bamoabe ba tla lela mo go Bamoabe, ba lela botlhe; ba tla fegelwa ka ntlha ya dinkgwe tsa maungo a moweine tsa Kire-Haresethe, ba nyemile moko. Gonne masimo a Hešebone a omeletse mmogo le ditlhare tsa moweine tsa Sibema tse weine e e monate ya tsona e neng e fentse barena ba merafe. Dikala tsa tsona tsa fitlha kwa Jasere, tsa tlala mo nageng, tsa nama, tsa tshela lewatle. Ka moo ke lelela ditlhare tsa moweine tsa Sibema jaaka di lelelwa ke Jasere; lona Hešebone le Eleale ke lo tsholelela dikeledi, gonne moduduetso wa baba o wetse mo letlhafuleng la lona le mo thobong ya lona. Go tlositswe boitumelo le lethabo mo tshimong; ga ba duduetse le e seng go ipela mo masimong a meweine. Mogati ga a gate maungo a moweine mo digatelong. Ke khutlisitse mogolokwane. Ka ntlha ya moo pelo ya me e lelela Moabe jaaka harepa; boteng jwa me bo lelela Kirerese. Le fa Moabe a ka itshupa, a itapisa mo thoteng ya tlhabelo, a ya felong ga boitshepo ga gagwe go rapela, ga a nke a kgona sepe. Lefoko le ke lone le Morena o kileng a le bua bogologolo ka ga Moabe. Mme jaanong go bua Morena a re: “E tla re dinyaga di le tharo di sena go feta tse di tshwanang le tsa motlhabani, kgalalelo ya Moabe e nyatsege, mmogo le bontsi jo bogolo jotlhe. Masalela e tla nna a mannyennyane a a se nang thata.” Taelo ya Modimo ka ga Damaseko: “Bonang, Damaseko o a tlosiwa, e sa tlhole e le motse, mme e tla nna marope fela. Metse ya Aroere e a tlogelwa; matsomane a tla fula, a botha teng, go se yo o a tshosang. Go tla tlosiwa phemelo mo Eferaime le bogosi mo Damaseko. Masalela a Siria a tla dirafalelwa ke se se tla dirafalelang kgalalelo ya Baiseraele.” Go bua Morena wa masomosomo. “E tla re mo metlheng eo kgalalelo ya Jakobe e fokotsege, mmele wa gagwe o o nonneng o ote. Go tla dirafala jaaka fa morobi a sopaanya dinono tsa mabele, fa letsogo la gagwe le roba diako; go tla dirafala jaaka fa motho a sela diako mo mokgatsheng wa Refaime. Mme go tla tlogelwa maronopo jaaka fa go tshikinngwa ditlhare tsa olefa: Maungo a mabedi gongwe a mararo kwa godimo mo setlhoeng sa setlhare, a mane gongwe a matlhano mo dikaleng tsa setlhare se se ungwang.” Go bua Morena, Modimo wa Iseraele. Ka letsatsi leo motho o tla leba Mmopi wa gagwe; matlho a gagwe a tla tlhokomela Moitshepi wa Iseraele. Mme ga a nke a leba dialetare tse e leng tiro ya diatla tsa gagwe, le e seng go tlhokomela tse di dirilweng ke menwana ya gagwe, e leng medimako ya Ašera le majwe a a motloutlo a letsatsi. Ka letsatsi leo metse e e femetsweng ya gagwe e tla nna jaaka matlotla mo sekgweng le jaaka setlhoa sa thaba, tse di tlogetsweng ka ntlha ya go tshaba Baiseraele, mme e tla nna sekaka fela. Gonne o lebetse Modimo o o go thusang, o sa gakologelwe lefika le e leng botshabelo jwa gago. Ka moo o ka tlhoma ditlhongwa tse di kgatlhang, wa jwala matlhogela a sele. Ka letsatsi le o di jwalang ka lone, o ka di agelela ka logora; ka moso o ka tlhogisa dijwalo tsa gago. Mme e tla re ka letsatsi la bolwetse le la botlhoko jo bo sa foleng kotulo e bo e nyeletse. A modumo wa merafe e mentsi e e dumang jaaka go suma lewatle! A loratla lwa ditšhaba tse dikgolo tse di gwasang jaaka go gwasa metsi a magolo! Merafe e tla duma jaaka go gwasa metsi a mantsintsi, mme e tla re Morena a sena go e kgalemela, e tshabele kwa kgakala, e lelekwe jaaka moko o gogolwa ke phefo mo dithabeng le jaaka matlakala a tsewa ke ledimo. E tla re go le mantsiboa go nne therego, mme e re bosigo bo ise bo se, ba bo ba sa tlhole ba le teng. Ke se se tla dirafalelang ba ba re thukhuthang; ke kotlo ya ba ba re amogang di-tsa-rona. A tatlhego wee ya lefatshe la mosumo wa diphuka le le kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia! Le le romang barongwi mo lewatleng ka mekoro ya matlhaka e e tsamayang mo metsing. Lona barongwi ba ba lebelo, yaang kwa setšhabeng sa batho ba baleele ba ba phatsimang letlalo, kwa morafeng o o boifiwang mo ntlheng tsotlhe, o o laolang thata, o o gatelelang, o lefatshe la ona le kgaoganngwang ke dinoka. Lona baagi botlhe mo lefatsheng, lona banni ba lefatshe! E re fa sefoka se tlhongwa mo dithabeng, lebang! Fa lonaka lo lediwa, utlwelelang! Gonne Morena o buile le nna jaana a re: “Ke tla leba ke iketlile ke le mo mannong a me jaaka bolelo jo bo tsabakelang mo phatsimong ya letsatsi le jaaka leru la monyo mo bolelong jwa kotulo. Gonne e tla re thobo e ise e tle, fa dithunya di sena go tlhotlhorega, fa di fetoga maungo a moweine a a butswang, a kgaole dikala ka dithipa, a tlokotle matlhogela, a a tlose. Botlhe ba tla tlogelelwa manong a dithaba le dibata tsa lefatshe. Manong a tla nna mo go bone selemo, dibata tsotlhe di tla nna mo go bone mariga.” Ka sebaka seo neo e tla isediwa Morena wa masomosomo kwa felong ga leina la Morena wa masomosomo, kwa thabeng ya Sione; e tswa kwa morafeng wa batho ba baleele ba ba phatsimang letlalo, kwa morafeng o o boifiwang mo ntlheng tsotlhe, kwa setšhabeng se se laolang thata, se se gatelelang, se lefatshe la sona le kgaoganngwang ke dinoka. Taelo ya Modimo ka ga Egepeto. Bonang, Morena o palame leru le le lebelo, a ya kwa Egepeto. Jaanong medimo ya diseto ya Egepeto e roroma fa pele ga gagwe, pelo tsa Baegepeto di nyema mo teng ga bone. “Ke tla lwantshanya Moegepeto le Moegepeto gore ba tlhabane, mongwe le mongwe a lwe le mongwe-ka-ene, motse le motse, bogosi le bogosi. Mme Baegepeto ba tla swa dipelo mo teng ga bone. Ke tla senya maano a bone. Foo ba tla botsa medimo ya diseto le dingaka tse di laolang le badimo le baitseanape. Ke tla tsenya Baegepeto mo diatleng tsa Morena yo o setlhogo; kgosi e e peloethata e tla ba busa.” Ke lefoko la Morena, Morena wa masomosomo. Metsi a letsha a tla kgala; noka e tla tšha, e omelela. Dinoka di tla nkga, dinokana tsa Egepeto di tla ngotlega, di tšha. Lotlhaka le motlhatlha di tla swaba. Mafulo a a fa dintshing tsa Nile le fa molomong wa yona le dijwalo tsotlhe tse di fa nokeng ya Nile di tla swaba, di gogolwa, di sa tlhole di le teng. Batshwari ba ditlhapi ba tla hutsafala, botlhe ba ba digelang kobe mo nokeng, ba nyema moko, ba ba gogang letloa mo metsing, ba tlhoboga. Ba ba otlhang ditlhale le ba ba logang masela a masweu ba tla tlhajwa ke ditlhong. Tse di phedisang lefatshe di senyegile; botlhe ba ba direlang tuelo ba pelo-e-botlhoko. Dikgosana tsa Soane ke masilo fela. Bagakolodi ba ga Farao ba ba tlhalefileng ke lekgotla la dieleele fela. Lo ka bua jang le Farao lo a re: “Ke nna morwa matlhale? Ke nna morwa dikgosi tsa bogologolo?” A kae, matlhale a gago? A a go bolelele, a go itsise se Morena wa masomosomo a se ikaeletseng ka ga Egepeto! Dikgosana tsa Soane di fetogile ditlaela; dikgosana tsa Nofe di tsietsegile. Egepeto o fapositswe ke ditlhogo tsa ditso tsa gagwe. Morena o tshetse mowa wa tlhokamo mo go bone gore Baegepeto ba timediwe mo ditirong tsotlhe tsa bone, jaaka yo o tagilweng a thekesela mo matlhatseng a gagwe. Egepeto ga a na tiro epe e a e direlwang ke tlhogo gongwe mogatla, ke mokolane gongwe motlhatlha. Ka letsatsi leo Baegepeto ba tla tshwana le basadi, ba roroma, ba boifa kgadikanyo ya letsogo la Morena wa masomosomo le a le ba kgadikanyetsang. Lefatshe la Juta e tla nna setshosa mo go Baegepeto. Mongwe le mongwe yo le umakwang mo go ene o tla boifa ka ntlha ya maikaelelo a Morena wa masomosomo a o a ikaeletseng ka ga bone. Ka letsatsi leo go tla nna metse e le metlhano mo lefatsheng la Egepeto e e buang puo ya Sekanana, e e ineelang Morena wa masomosomo ka maikano. Leina la mongwe ke Ire-Herese. Ka letsatsi leo go tla nna aletare ya Morena mo gare ga lefatshe la Egepeto, le lentswe le le motloutlo la kgopotso la Morena fa molelwaneng wa lone. Tseo e tla nna sesupo sa Morena wa masomosomo le mosupi wa gagwe mo lefatsheng la Egepeto. Fa ba goela kwa Moreneng ka ntlha ya bapatiki, o tla ba romela mothusi yo o tla ba lwelang le go ba pholosa. Gonne Morena o tla ikitsise Baegepeto, mme Baegepeto ba tla itse Morena ka letsatsi leo, ba mo direla ditlhabelo le ditshupelo, ba ikanela Morena maikano, ba a tshegetsa. Mme Morena o tla betsa Baegepeto, a ba betsa, a ba a ba fodisa. Ba tla sokologela kwa Moreneng, mme ene o tla utlwa dithapelo tsa bone, a ba fodise. Ka letsatsi leo go tla nna tsela e kgolo e e tswang kwa Egepeto e ya kwa Asiria. Jaanong Baasiria ba tla etela Egepeto, mme Baegepeto ba etela Asiria. Baegepeto ba tla direla Morena mmogo le Baasiria. Ka letsatsi leo Iseraele o tla nna wa boraro, a kopanye le Egepeto le Asiria, e le tshegofatso mo lefatsheng, le Morena wa masomosomo a le tshegofatsang a re: “Go tshegofaditswe Egepeto, morafe wa me, le Asiria, tiro ya diatla tsa me, le Iseraele, boswa jwa me.” E rile ka ngwaga o molaodi yo mogolo wa batlhabani o tlileng kwa Ašetote ka ona, a romilwe ke Saregone, kgosi ya Asiria, a tlhasela Ašetote, a mo thopa; ka sona sebaka seo Morena o ne a bua ka molomo wa ga Jesaya, morwa Amotse, a re: “Tsamaya o apole diaparo tsa khutsafalo mo lethekeng la gago, o role ditlhako mo dinaong tsa gago!” A dira jalo. A tsamaya, a sa ikatega, a sa rwala sepe mo dinaong. Morago ga moo Morena a bua jaana a re: “Jesaya, motlhanka wa me, o tsamaile a sa ikatega, a sa rwala sepe mo dinaong dinyaga tse tharo go nna sesupo le tshupetso-pele ka ga Egepeto le ka ga Ethiopia. Kgosi ya Asiria e tla gapa Baegepeto ba ba thopilweng le bathotšwa ba Ethiopia jalo, ba bašwa le ba bagolo, ba sa ikatega, ba sa rwala sepe mo dinaong, marago a sa apesiwa, e le go tlhabisa Baegepeto ditlhong. Ba Ašetote ba tla kgobega marapo, ba tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya Ethiopia yo ba neng ba mo ikanya le ka ntlha ya Egepeto yo ba neng ba ikgantsha ka ene. Baagi ba lefatshe leo le le fa lewatleng ba tla bua ka letsatsi leo ba re: ‘Ba re neng re solofela mo go bone, ra tshabela teng go kopa thuso ya go pholosiwa mo kgosing ya Asiria, bonang tse di ba dirafaletseng! Jaanong rona – re ka phologa jang?’ ” Taelo ya Modimo ka ga sekaka se se fa lewatleng. Go tswa sengwe kwa sekakeng, kwa lefatsheng le le boitshegang, se se tshwanang le ledimo le le fokang kwa borwa. Ke bontshitswe pono e e thata: Senokwane se a thukhutha, mosenyi o a senya! Elame, bolola! Media, dikaganyetsa ka ntwa! Ke tla fedisa phegelo yotlhe. Ke gona ka moo letheka la me le tletseng botlhoko jaaka e kete ke segwa ke metlotsedi ya mosadi yo o belegang. Ke obegile mo ke bileng ke sa utlwe, ke tshogile mo ke bileng ke sa bone. Pelo ya me e tshwerwe ke sedidi le therego, mo e bileng maabanyane a a monate mo go nna a mphetogela letshogo. Go baakanngwa bojelo, go alwa diphate; go a jewa, go a nowa. Emang, lona dikgosana, tshasang dithebe! Gonne Morena o buile le nna jaana a re: “Yaa o bee setlhodi. Se se tla se bonang a se se bege. Fa se bona setlhopha sa bapalami ba dipitse, ba tla ba bapile ka bobedi le bobedi, le bontsi jwa diesele le bontsi jwa dikammele, a se tlhokomele ka tlhokomelo e kgolo!” Ke fa se kua jaaka tau se re: “Morena, ke tlhola ke eme mo seraleng motshegare, ke lala ke ntse ke tlhola masigo otlhe! “Bonang, go tla lesomo la banna, bapalami ba dipitse ba bapile ka bobedi le bobedi.” Sa ba sa kua sa re: “Babele o ole, o ole! Ditshwantsho tsotlhe tsa medimo ya teng ba di phatlakantse fa fatshe.” Wena morafe wa me o o phothilweng o o gatakilweng jaaka mabele: Tse ke di utlwileng mo Moreneng wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, ke di lo itsisitse. Taelo ya Modimo ka ga Duma. Ba ntlhaeletsa ba le kwa Seire ba re: “Molebeledi, bosigo bo tla sa leng? Molebeledi, bosigo bo tla sa leng?” Molebeledi a re: “Moso o tlile, bosigo le jona. Fa lo rata go botsa, boang lo botse gape!” Taelo ya Modimo ka ga Arabia. Lalang mo sekgweng sa Arabia, lona ditlhopha tsa batsamai ba Detane. Kgatlhantshang ba ba nyorilweng ka metsi, lona baagi ba lefatshe la Thema. Fang batshabi dijo. Gonne ba tshaba ditšhaka, e bong ditšhaka tse di somotsweng le mara a a laetsweng le poitshego ya tlhabano. Gonne Morena o ntheile jaana a re: “E tla re sebaka se se lekanyeng le dinyaga tsa motlhabani se ise se fele, kgalalelo yotlhe ya Ketare e bo e fedile. Mme palo ya bagale ba Ketare ba ba setseng ba ba hulang ka bora e tla nna potlana, gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o buile jalo.” Taelo ya Modimo ka ga mogorogoro wa pono. Kana lo dirwa ke eng, fa lo palame lotlhe kwa godimo ga matlo? Wena motse o o tletseng medumo le tlhodio, motse wa meduduetso! Ba ba tlhabilweng ba gago ga ba a tlhajwa ka tšhaka, ga ba a swela mo ntweng. Balaodi botlhe ba gago ba tshabile mmogo, ba golegwa ba se na bora; botlhe ba ba fitlhetsweng mo go wena ba golegilwe mmogo; ba bangwe ba tshabetse kwa kgakala. Ke ka moo ke reng: “Se ntebeng, ke na le go lela ka bogalaka; se itapiseng go nkgomotsa ka ga tshenyego ya morwadiake, e bong morafe wa me.” Gonne Morena, Modimo wa masomosomo, o beile letsatsi la tlhakatlhakanyo le kgatelelo le moferefere mo mogorogorong wa pono; go epololwa lobota, go goa go utlwala kwa thabeng. Elame o ne a tsere mokotlopo, a na le dikoloi le batho le bapalami ba dipitse. Kire o ne a apotse thebe. Ke fa megorogoro e mentle ya gago e tlala dikoloi; bapalami ba dipitse ba ikemisa ba lebaganye le kgoro. Morena o ne a tlosa phemelo ya Juta, mme lo no lwa tlhola dibolai tse di mo ntlong ya sekgwa; lwa tlhola manga a motse wa ga Dafita, lwa fitlhela a mantsi, lwa phutha metsi a letsha le le kwa tlase. Lwa bala matlo a Jerusalema, lwa phoma matlo mangwe gore lo tiise lobota ka ona; lwa dira letsha fa gare ga dipota tse pedi gore metsi a letsha la kgale a elelele teng, mme ga lo a ka lwa leba yo o tlisang kotsi eo; ga lo a ka lwa tlhokomela yo o sa bolong go e baakanya. Ya re ka letsatsi leo Morena, Modimo wa masomosomo, a ba biletsa selelong le khutsafalong le go ipeoleng le go apareng diaparo tsa boikwatlhao, mme bone ba tlhapelwa, ba itumela, ba tlhaba dikgomo le dinku, ba ja nama, ba nwa weine ba re: “A re jeng he, re nweng, gonne kamoso re tla tsoga re sule.” Mme Morena wa masomosomo o buile mo ditsebeng tsa me a re: “Ruri, ga lo nke lo itshwarelwa boleo joo go ya go fitlhelela lo swa, go bua Morena, Modimo wa masomosomo.” Morena, Modimo wa masomosomo, o buile jaana a re: “Nanoga o ye kwa go mookamedi yole, e bong Sebena yo o okametseng ntlo ya kgosi; yo o ikepetseng lebitla kwa godimo, a ikgabela moago mo lefikeng, o re: ‘O na le eng mono? O na le mang mono? Ke eng, fa o ikgabetse lebitla mono? Bona, monna, Morena o tla go diga ka thata, a go tshwara tota, a go menaganya thata, a go latlhela kwa lefatsheng le le atlhameng ka fa le ka fa jaaka kgwele; o tla swela teng, dikoloi tse dintle tsa gago di tla isiwa gona, wena yo o tlhabisang ntlo ya morena wa gago ditlhong! Ke tla go leleka mo tirong ya gago, ke go ntsha mo mannong a gago.’ “Ka letsatsi leo ke tla bitsa Eliakime, motlhanka wa me, morwa Hilekia, ke mo apesa diaparo tsa gago, ke mo tlama ka moitlamo wa gago, ke neela puso ya gago mo diatleng tsa gagwe gore a nne rra baagi ba Jerusalema le ba lotso lwa Juta. Ke tla baya selotlele sa ntlo ya ga Dafita mo legetleng la gagwe. O tla bula go se yo o tswalang. O tla tswala go se yo o bulang. Ke tla mo kokotela jaaka lomapo mo felong fa go tiileng, mme o tla nna sedulo sa tlotlo sa ntlo ya ga rraagwe. “Mme go tla ipega mo go ene makete otlhe a ntlo ya ga rraagwe, a losika lo lo tlotlegang le a losika lo lo nyatsegang le a dilwana tsotlhe, le fa e le megotšwana gongwe dinkgwana tsa mefutafuta.” Jaanong go bua Morena wa masomosomo a re: “E tla re ka letsatsi leo lomapo lo lo kokotetsweng mo felong fa go tiileng, lo somoge, lo robege, lo we. Mme morwalo o o mo go lone o tla latlhega, gonne Morena o buile jalo.” Taelo ya Modimo ka ga Tiro. Goang, lona mekoro ya Tharesise. Gobane motse oo o sentswe; ga go na ntlo, go tla kwa gae ga go teng. Ba itsisitswe jalo ba le kwa lefatsheng la Khithime. Lo tla tlhoka puo, lona baagi ba lefatshe le le fa lewatleng! Barekisi ba Sitone ba ba tsamayang mo lewatleng ba ne ba tle ba go tsisetse dithoto tse dintsi. Dijwalo tsa kwa Sigore, e bong kotulo ya noka ya Nile, di ne di tle di tsamaisiwe mo metsing a magolo; e ne e le papalo ya ona, wa nna marekelo a ditšhaba. Tlhajwa ke ditlhong, wena Sitone, gonne lewatle le a bua, ee, kago ya phemelo fa lewatleng e bua e re: “Ga ke a segwa ke leralalo, ga ke a belega; ga ke a godisa makau le e seng makgarebe.” E tla re Baegepeto ba utlwa ka ga tatlhego ya Tiro, ba rerege thata. Tshelelang kwa Tharesise; goang, lona baagi ba lefatshe le le fa lewatleng! A ke ona motse wa lona wa meduduetso o o neng wa agiwa bogologolo; o dinao tsa ona di o isitseng kwa kgakala go aga teng? Ke mang yo o ikaeletseng tseo ka ga Tiro o o neng o rwesa dirwalo, o barekisi ba ona e neng e le barena; o babapadi ba ona e neng e le batlotlegi mo lefatsheng? Morena wa masomosomo o di ikaeletse gore a itshepolole boikgodiso jwa bontle jotlhe, a tlotlolole batlotlegi botlhe ba lefatshe. Ralala lefatshe la gago jaaka Nile, morwadia Tharesise; ga go tlhole go le kgoreletso epe. Morena o otlololetse lewatle letsogo, a reketlisa magosi; a laola ka ga lefatshe la Kanana gore metse e e femetsweng ya lone e senngwe a re: “O se ka wa tlhola o itumela, wena lekgarebe le le sentsweng, morwadia Sitone! Huduga o tshelele kwa Khithime. Mme le teng koo ga o nke o bona boikhutso.” Bonang lefatshe la Kalatea! Ke morafe o o neng o se yo. Asiria o le theile go thusa mekoro; ba aga dikago tsa ditlhodi, ba senya matlo a borena a teng. Ene o le dirile naga ya marope. Goang, lona mekoro ya Tharesise! Gonne kago ya phemelo ya lona e sentswe. Ka sebaka seo Tiro o tla lebalwa dinyaga di le masome a supa go lekana le malatsi a kgosi e le nngwe. Mme morago ga dinyaga tse di somasupa, Tiro o tla dirafalelwa ka fa sefeleng sa seaka se se reng: “Tsaya harepa, o ralale motse, wena seaka se se lebetsweng; letsa harepa sentle, o opele dipina tse dintsi gore o tle o gopolwe.” E tla re dinyaga tse di somasupa di sena go feta, Morena a tlhokomele Tiro; mme Tiro o tla boela mo kgwebong ya gagwe, a bapadisanya le dipuso tsotlhe tsa mafatshe tse di leng teng mo lefatsheng. Mme papadi ya gagwe le kgwebo ya gagwe di tla itshepisediwa Morena, di sa phuthwe, di sa bolokwe; gonne khumo ya gagwe e tla direla ba ba agileng fa pele ga Morena gore ba je, ba kgore, ba apare tsa mokgabo. Bonang, Morena o tlhokisa lefatshe banni, o a le senya, o ribegetsa sefatlhego sa lone, o falatsa baagi ba lone. Go tla dirafalela moperesiti jaaka morafe, morena jaaka motlhanka, mohumagadi jaaka lelata, morekisi jaaka moreki, moadimi jaaka moadingwi, yo o molato jaaka yo o busediwang molato. Lefatshe le tla tlhokisiwa baagi, le se na ope; le tla thukhuthwa, le amogwa dilo, gonne Morena o buile lefoko le. Lefatshe le hutsafetse, le swabile; naga e omeletse, e swabile. Batlotlegi ba bagolo ba lefatshe ba nyemile moko. Lefatshe le itshepolotswe ke baagi ba lone, gonne ba tlodile ditaolo, ba fetola molao, ba roba kgolagano e e sa khutleng. Ke gona ka moo khutso e jang lefatshe, ba ba agileng mo go lone ba utlwa petso; ka moo baagi ba lefatshe ba a šwa, go sadisiwa batho ba se kae fela. Matute a moweine a a hutsafala, moweine o a swaba, botlhe ba ba pelo-di-thabileng ba a fegelwa. Boitumelo jwa meropana bo didimetse; modumo wa ba ba duduetsang o khutlile; lethabo la dikwadi le fedile. Ga ba nwe weine ka sefela; bojalwa bo galakegela ba ba bo nwang. Motse o o se nang ope o thubagantswe; go tswetswe matlo otlhe; ga go tsene ope mo go ona. Go lelelwa weine mo mebileng, boitumelo jotlhe bo nyeletse, moduduetso wa lefatshe o tlogile. Mo motseng go setse tshenyego fela; kgoro e thubakantswe. Gonne mo ditšhabeng tsa lefatshe go tla nna jaaka fa setlhare sa olefa se tshikinngwa; jaaka fa ba ronopa moweine, phulo e sena go fela. Bale ba tlhatlosa dikodu, ba a duduetsa; ba dudueletsa borena jwa Morena go tswa kwa lewatleng. Ba re: “Ka ntlha ya moo galaletsang Morena kwa botlhabatsatsi, le leina la Morena, Modimo wa Iseraele, mo ditlhakatlhakeng tsa lewatle!” Re utlwile dikopelo di tswa kwa mafelelong a lefatshe di re: “A kgalalelo e nne ya Mosiami!” Mme ka re: “Ke a latlhega, ke a latlhega, joo nna wee! Dinokwane di a thukhutha, dinokwane di thukhutha ka bonokwane!” Moagi wa lefatshe, therego le gopo le seru di a go tshwara. Jaanong yo o falolang mo modumong wa therego o tla wela mo gopong; yo o tlhatlogang mo teng ga gopo o tla tshwarwa ke seru. Gonne dithoba tsa legodimo di bulegile le metheo ya lefatshe e a roroma. Lefatshe le a thubega, le a thubakanngwa; lefatshe le a phatloga, le a phatlakanngwa; lefatshe le a thekesela, le a theekela. Lefatshe le thekesela jaaka yo o tagilweng; le akgega jaaka bolao jo bo lepeleditsweng. Gonne boikepo jwa lone bo a le imela; le tla wa, mme ga le nke le tlhola le tsoga. Ka letsatsi leo Morena o tla betsa lesomo la bogodimo kwa godimo le dikgosi tsa lefatshe mo lefatsheng. Di tla phuthelwa kwa moleteng jaaka go golegwa bagolegwi, di tswalelwa mo kgolegelong, mme di tla watlhaiwa malatsi a mantsi a sena go feta. Foo ngwedi o tla tlhajwa ke kgala, letsatsi le tlhajwa ke ditlhong; gonne Morena wa masomosomo o tla nna kgosi mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema, mme go na la kgalalelo fa pele ga bagolo ba gagwe. Morena, o Modimo wa me! Ke tla go tumisa, ke baka leina la gago; gonne o dirafaditse dikgakgamatso, e leng maikaelelo a kgale a a ikanyegang a boammaaruri. Gonne o fetotse motse mokoa wa matlapa; motse o o femetsweng o o fetotse marope. Matlo a borena a baikepi ga e tlhole e le motse; ga o na go agiwa gape ka bosakhutleng. Ka ntlha ya moo morafe o o tiileng o tla go galaletsa; motse wa ditšhaba tse di gatelelang o tla go boifa. Gonne o no o le thata ya yo o bokoa le phemelo ya mohumanegi mo tlalelong ya gagwe le botshabelo mo puleng ya matsubutsubu le moriti mo bolelong jwa letsatsi. Gonne theregiso ya barena ba ba setlhogo e tshwana le pula ya matsubutsubu mo loboteng; e tshwana le bolelo jwa naga e e omeletseng. O kokobeditse modumo wa baikepi jaaka bolelo bo fokodiwa ke moriti wa leru; wa didimatsa sebôkô sa barena ba ba peloethata. Morena wa masomosomo o tla etleeletsa merafe yotlhe moletlo wa dijo tse di mafura mo thabeng e; moletlo wa weine e e itshekileng, wa tse di mafura tse di tletseng moko, wa weine e e buduleng sentle. Le gona mo thabeng e o tla nyeletsa lesire le le adilweng godimo ga merafe yotlhe, le kobo e ditšhaba tsotlhe di bipilweng ka yona. O tla nyeletsa loso ka go sa feleng. Modimo, Morena o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe, a tlosa kgobo ya morafe wa gagwe mo lefatsheng lotlhe. Gonne Morena o buile jalo. Mo metlheng eo ba tla re: “Bonang, Modimo wa rona ke oo, o re neng re solofela mo go ona gore o re pholose. Morena ke yoo, yo re neng re mo lebeletse. Jaanong a re duduetseng, re itumelele thuso ya gagwe!” Gonne seatla sa Morena se tla nna mo thabeng e, mme Moabe o tla gatakelwa fa fatshe mo felong ga gagwe jaaka go gatakwa dikokole mo metsing a kgatampi ya malôkô. Le fa a phutholola mabogo a le mo teng jaaka mothumi a a phutholola a ntse a šapa, Morena o tla mo gatelela, le fa ene a ntse a leka go tswa, a itapisa mabogo. Phemelo ya dipota tsa gagwe tse di godimo Morena o tla e diga, a e kokobetsa, a e digela fa fatshe mo leroleng. Mo metlheng eo go tla opelwa sefela mo lefatsheng la Juta se se reng: Re na le motse o o thata. Morena o beile pholoso gore e nne dithako le phemelo. Bulang dikgoro gore go tsene setšhaba se se siameng se se bolokang boikanyo. Yo o pelo e tlhomameng, ò tla mmoloka mo kagisong, gonne o a go ikanya. Ikanyeng Morena ka gale, gonne Morena ke lefika la bosakhutleng. Ee, o folositse ba ba agileng kwa godimo, eleng motse o o mo kokamong, a o diga, a o digela fa fatshe, a o usetsa mo leroleng gore o gatakwe ka maoto, ka maoto a babogisegi, ka dikgato tsa ba ba sa tlotlegeng. Tsela ya mosiami e mo lebaleng; ò tla baakanyetsa mosiami tselana e e tlhamaletseng. Morena, re go lebeletse le mo ditseleng tsa dikatlholo tsa gago; mewa ya rona e tlhologeletswe leina la gago le tumiso ya gago. Ke go tlhologeletswe bosigo ka pelo ya me, ee, ke go batla ka mowa o o mo teng ga me. Gonne fa dipetso tsa gago di tla mo lefatsheng, baagi ba lefatshe ba ka ithuta tshiamo. Mme fa moikepi a itshwarelwa, ga a ithute tshiamo; o tla siamolola mo lefatsheng la tshiamo, a sa bone bogolo jwa Morena. Morena, fa letsogo la gago le tsholeditswe, ga ba le bone. E tla re o tlhoafalela morafe, ba le bone, ba tlhajwe ke ditlhong; le gona molelo o o fisang baba ba gago o tla ba nyeletsa. Morena, ò tla re direla kagiso, gonne ditiro tsotlhe tsa rona le tsona ò di re feleditse. Morena, Modimo wa rona, barena ba bangwe ba ne ba re busa kwa ntle ga gago, mme rona re boka leina la gago le le losi fela. Baswi ba bone ga ba nke ba phela; ba ba suleng ga ba nke ba rula. Ka moo o ba beditse, wa ba nyeletsa jalo, wa fedisa go ba gakologelwa gotlhe. O atisitse setšhaba, Morena, o atisitse setšhaba; o ikgalaleditse, o katositse melelwane yotlhe ya lefatshe. Morena, ba ne ba go batla ba le mo tlalelong; ya re o ba otla, ba rapela ba le mo pitlaganong. Mosadi yo moimana, yo o gaufi le go belega, o segwa ke metlotsedi, o lela mo matlhokong a gagwe. Le rona re ne re ntse jalo fa pele ga gago, Morena. Re ne re le baimana, ra segwa ke metlotsedi, mme ya re re belega, ya bo e le phefo fela, mme re sa direle lefatshe thuso epe; baagi ba lefatshe ba sa tsalwe. Mme baswi ba gago ba tla phela, ditoto tsa me di tla tsoga. Ba ba agileng mo leroleng ba tla rula, ba duduetsa. Gonne monyo wa gago ke monyo wa masedi, mme lefatshe le tla ntshetsa baswi mo bophelong. Morafe wa me, yaang lo tsene mo matlwaneng a lona, lo tswale ditswalo tsa lona fa morago ga lona, lo iphitlhe nakonyana, go tsamaya kgalefo e be e fete. Gonne bonang, Morena o tla akofa a tswa mo felong ga gagwe gore a beletse baagi ba lefatshe boikepo jwa bone. Foo lefatshe le tla bipolola madi a a mo go lone, le sa tlhole le bipa ba ba bolaetsweng mo go lone. Mo metlheng eo Morena o tla betsa kgwanyape, noga e e bobebe, le kgwanyape, noga e e ikgarang, ka tšhaka ya gagwe e e thata, e kgolo, e e tiileng; o tla bolaya kgogela e e fa lewatleng. Mo metlheng eo ba tla re: “A tshimo e ntle ya moweine! E opeleleng! Nna Morena ke a e disa, ke e nosetsa ka nako le nako; ke e disa bosigo le motshegare gore e se ka ya senngwa ke sepe. Ga ke bogale! Fela fa nka fitlhela mesu le ditshetlho, ke tla di tlhasela, ke lwa le tsona, ke di fisa tsotlhe. Gongwe a ba tshabele mo phemelong ya me, ba agisanye le nna, ba dire kagiso le nna!” Mo malatsing a a tlang Jakobe o tla nama medi, Iseraele a thunya, a gola gore ba tlatse lefatshe maungo. A Morena o mo iteile jaaka a iteile ba ba kileng ba mo itaya? Gongwe a o bolailwe jaaka babolai ba gagwe? E rile o mo koba le go mo leleka ka phefo e e boitshegang ya gago e e tswang kwa botlhabatsatsi, wa mo otla ka selekanyo. Ka moo ge, molato wa ga Jakobe o tla itshwarelwa, fa a ka thubaganya matlapa otlhe a dialetare jaaka go thubaganngwa mangwete a kalaka, mme medimako ya Ašera le majwe a a motloutlo a letsatsi di sa tlhole di tsosiwa. Go dira jalo e tla nna leungo lotlhe la go itshwarelwa ga gagwe. Gonne motse o o neng o femetswe o osi fela ke bonno jo bo se nang motho; o tlogetswe jaaka sekaka. Dinamane di tla fula gona, di botha gona, di ja ditlhatshana tsa teng. E tla re dikala tsa gona di sena go omelela, di rojwe. Basadi ba tla tla, ba gotsa molelo ka tsona. Gonne ke morafe o o se nang tlhaloganyo. Ka ntlha ya moo Modiri wa bone ga a nke a ba utlwela botlhoko; Mmopi wa bone ga a nke a ba itshwarela. Mo metlheng eo Morena o tla photha mabele, a simolola kwa nokeng ya Ferathe go fitlha kwa nokaneng ya Egepeto, mme lona Baiseraele lo tla notšwa ka bongwe le bongwe. E tla re ka sebaka seo ba letsa lonaka lo logolo, ba ba latlhegetseng kwa lefatsheng la Asiria le ba ba leleketsweng kwa lefatsheng la Egepeto, ba boele kwa gae, ba obamele Morena mo thabeng e e boitshepo mo Jerusalema. A tatlhego wee ya serwalo sa bogosi se se ikgantshang sa matagwa a Eferaime, le ya sethunya se se swabang sa mokgabo o montle wa gagwe, se se mo thoteng ya leboa la mmu o o bogale wa ba ba tlhapetsweng ke weine. Bonang, Morena o na le mongwe yo o thata, yo o nonofileng jaaka phefo ya sefako le jaaka ledimo le le senyang thata le jaaka pula e e tshololang metsi a mantsi a a penologang: Ke ene yo o tla se digelang fa fatshe ka thata. Serwalo sa bogosi se se ikgantshang sa matagwa a Eferaime se tla gatakwa ka maoto. Mme sethunya se se swabang sa mokgabo o montle wa gagwe, se se mo thoteng ya leboa la mmu o o bogale, se tla tshwana le feie e e butswang pele ga selemo, e e a reng motho a e bona, a e phamole ka seatla, a e metse. Ka sebaka seo Morena wa masomosomo o tla nna serwalo sa bogosi se se galalelang le kgare ya mokgabo mo masaleleng a morafe wa gagwe; le mowa wa tshiamo mo go ene yo o nnetseng go atlhola, le bonatla mo go bone ba ba busetsang tlhabano kwa kgorong. Mme ba mono le bone ba theekela ka weine, ba thekesediwa ke bojalwa. Moperesiti le moporofeti ba theekela ka bojalwa, ke digole tsa weine, ba thekesediwa ke bojalwa. Ba a thekesela, fa ba bona pono; ba theekela fa ba atlhola. Ee, dipati tsotlhe tsa bojelo di tletse matlhatsa a a maswe, go se fa go pila. Ba re: “O tla ruta mang kitso? O tla lemosa mang thero? A ke ba ba kgwisitsweng? A ke ba ba tlogedisitsweng mabele? Gonne o oketsa molao ka molao, molao ka molao, kaelo ka kaelo, kaelo ka kaelo, bonnye fano ka bonnye fale.” Ka moo Morena o tla bua le morafe o ka puo ya ba ba koakoetsang le ka loleme lo sele. Kana o ba reile a re: “Boikhutso ke jo! Lapolosang ba ba lapileng. Tapoloso ke e!” Mme ba ganne go utlwa. Ka moo lefoko la Morena le tla ba okeletsa molao ka molao, molao ka molao, kaelo ka kaelo, kaelo ka kaelo, bonnye fano ka bonnye fale, gore ba tsamae, ba we ka sa motlhana, ba robege, ba thaisiwe, ba tshwarwe. Ka moo he, utlwang lefoko la Morena, lona basotli ba lo busang morafe o, o o mo Jerusalema. E re ka lo buile lwa re: “Re dirile kgolagano le loso, re utlwanye le felo ga baswi; fa petso e tla ka thata jaaka morwalela, ga e nke e fitlha mo go rona; gonne re dirile maaka botshabelo jwa rona, re iphitlha ka tsietso.” Ka ntlha ya moo Morena Modimo o bua jaana a re: “Bonang, ke thaya lentswe mo Sione, lentswe le le lekilweng, le le tlhwatlhwa e kgolo la sekhutlo, la motheo o o tlhomameng. ‘Yo o dumelang ga a tshabe.’ Tshiamo ke tla e dira mogala o o lekanyang, molao ke o dira tekanyo ya sekale.” Mme sefako se tla thubakanya botshabelo jwa maaka; metsi a tla kgophola maiphitlho. Kgolagano e lo e dirileng le loso e tla senngwa; kutlwano e lo utlwanyeng le felo ga baswi ka yona ga e nke e tlhomama. Mme fa petso e e kgopholang e ralala, e tla lo gataka. Ka nako le nako fa e ralala, e tla lo tshwara. Gonne e tla ralala mo mosong mongwe le mongwe le bosigo le motshegare. Foo go tlhaloganya thero e tla nna therego fela. Gonne bolao bo bokhutshwane jo motho a palelwang ke go nama mo go jona; kobo le yona e tshesane, e tlhaela motho go robala ka yona. Gonne Morena o tla bolola jaaka a kile a bolola kwa thabeng ya Pherasime, a tlhasela jaaka mo mokgatsheng wa Gibeone, gore a dire tiro ya gagwe – tiro ya gagwe ka ya seeng – a dirafatse tiro ya gagwe – tiro ya gagwe ke e sele. Jaanong he, lo se tlhole lo sotla, e se re gongwe dikgole tse lo bofilweng ka tsona tsa gagamalediwa pele; gonne nyeletso e e tlhomamisitsweng e e tla welang lefatshe lotlhe, ke e begetswe ke Morena, Modimo wa masomosomo. Sekegang ditsebe, lo utlwe lentswe la me; reetsang, lo utlwe mafoko a me: A molemi o ntse a lema ka metlha gore a jwale? A o ntse a lema fela le go iteela tshimo ya gagwe? A ga ke re, fa a lekalekantse mmu, a jwale kumina e ntsho, a gase kumina, a jwale korong mo methalong le garase mo temeng ya yona, le lebelebele lotlhakoreng lwa tshimo? Gonne Modimo wa gagwe o ne o mo supetsa tiro sentle, o e mo ruta jalo. Kana kumina e ntsho ga e phothwe ka selei; maotwana a koloi ga a dikolosiwe mo kumineng. Mme kumina e ntsho e phothwa ka thobane, le kumina ka thupa. A mabele a phatlolwa, fa a phothwa? Nnyaya! Kana mophothi ga a a phothele go a phatlola! Le fa a tsamaisa maotwana a koloi ya gagwe le dipitse tsa gagwe mo go ona, ga a a tšhwetlakanye. Tseo le tsona di tswa mo Moreneng wa masomosomo; gonne o na le maikaelelo a a gakgamatsang, le botlhale jo bogolo. A tatlhego wee ya Ariele, Ariele, e bong motse o Dafita o neng a nna mo go ona! A dinyaga di nne di fete le meletlo e latelane! Morago ga moo ke tla pitlaganya Ariele gore a tlale selelo le phegelo; ee, a nne leiso la Modimo tota mo go nna. Ke tla go dikanyetsa ka ntwa, ke go pitlaganya ka ditlhodi tsa batlhabani mo ntlheng tsotlhe, ke aga dikago tsa tlhaselo mo tikologong ya gago. Foo o tla kokobediwa, o bua o le mo mmung; mafoko a gago a tla utlwala kwa tlase a tswa mo leroleng; lentswe la gago le tla tswa mo fatsheng jaaka mowa wa moswi, puo ya gago e tla tswa mo leroleng ka lentswe le le kwa tlase fela. Mme bontsi jwa baba ba gago bo tla nna jaaka lerole le le boleta; bontsi jwa barena ba ba setlhogo bo tla nna jaaka moko o o gogolwang. Go tla dirafala jalo ka tshoganyetso. O tla lekolwa ke Morena wa masomosomo ka tumo ya maru le ka thoromo ya lefatshe le ka loratla lo logolo le ka ledimo le ka phefo le ka kgabo ya molelo o o nyeletsang. Mme bontsi jwa ditšhaba tsotlhe tse di bolotseng go tlhabana le Ariele le botlhe ba ba lwang le ene le dikago tsa phemelo tsa gagwe, ba ba mo pitlaganyang, ba tla nna fela jaaka toro le pono ya bosigo. Bontsi jwa ditšhaba tsotlhe tse di bolotseng go tlhabana le thaba ya Sione ba tla tshwana le yo o tshwerweng ke tlala, yo o lorang a ja, mme e re a thanya, a fitlhela a sa kgora; ba tshwana le yo o bolawang ke lenyora, yo o lorang a nwa, mme e re a thanya, a ikutlwa a sa lapile, a sa kgalegile. Tsibogang lo gakgamale! Iphatlheng lo foufale! Ba tagilwe, mme e seng ka weine; ba a thekesela, mme e seng ka bojalwa. Gonne Morena o lo goromeleditse mowa wa thulametso, a lo bipa matlho, e leng baporofeti; a lo khurumetsa ditlhogo, e bong baboni. Mme lo tshotse pono ya dilo tsotlhe jaaka mafoko a lokwalo lo lo kannweng, lo ba lo neelang yo o itseng go buisa ba re: “A ko o lo buise!” Mme a re: “Ga ke kgone, gonne lo kannwe.” Mme fa lokwalo lo neelwa yo o sa itseng go buisa gore a tle a lo buise, o tla re: “Ga ke itse go buisa.” Morena o buile a re: “E re ka batho ba, ba nkatamela ka melomo, ba ntlotla ka diteme fela, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna, le go mpoifa ga bone e le molao o ba o rutilweng ke batho fela: Bonang, ka ntlha ya moo ke tla tswelela pele go direla morafe o ka mokgwa o o gakgamatsang gore ba gakgamale, ba tlhoke puo, mme botlhale jwa matlhale a bone bo nyelele, le tlhaloganyo ya batlhaloganyi ba bone e fitlhege.” A tatlhego wee ya ba ba fitlhang maikaelelo a bone kwa botennye fa pele ga Morena gore ditiro tsa bone di dirafale mo lefifing, ba ba reng: “Ke mang yo o re bonang? Ke mang yo o re itseng?” Kana lo masilo jang! A mmopi o ka kaiwa e le letsopa? A setlhodiwa se ka bua ka ga motlhodi wa sona sa re: “Ga a a ntlhola!” A nkgo e ka bua ka ga mmopi wa yona e a re: “Ga a itse sepe”? A ga ke re, Lebanone o tla fetoga tshimo ya ditlhare tse di ungwang; mme tshimo ya ditlhare tse di ungwang e tla kaiwa sekgwa fela, nakonyana e sena go feta? Ka sebaka seo disusu di tla utlwa mafoko a lokwalo; matlho a difofu a tla bona, di dule mo bontshong le mo lefifing. Babogisegi ba tla itumela gape mo Moreneng; batho ba ba humanegileng ba tla dudueletsa Moitshepi wa Iseraele. Gonne ga go tlhole go le morena yo o pelompe; mosotli o nyeletse; botlhe ba ba logang maano a boikepo ba bolailwe, e bong ba ba patikang batho mo tshekong, ba lalela yo o emelang tshiamo mo lekgotleng, ba diga mosiami ka pateletso. Ka ntlha ya moo Morena yo o rekolotseng Aborahame o buile le ba ntlo ya ga Jakobe jaana a re: “Jakobe ga a nke a tlhola a swaba; sefatlhego sa gagwe ga se nke se tlhola se tlhajwa ke ditlhong. Gonne fa bana ba ga Jakobe ba bona tiro e diatla tsa me di e dirileng mo go bone, ba tla itshepisa leina la me, ba itshepisa Moitshepi wa ga Jakobe, ba boifa Modimo wa Iseraele. Ba ba timeletsweng ke tlhaloganyo ba tla bona kitso; bangongoregi ba tla amogela thuto.” Morena o buile a re: “A tatlhego wee ya ba ba matepe, ba ba logang maano, mme e se ka nna; ba tlhomamisa kgolagano, mme e se ka Mowa wa me, e le gore ba oketse boleo ka boleo; ba ba yang kwa Egepeto, ba sa botsa molomo wa me, gore ba itshireletse ka phemelo ya ga Farao, ba tshabele mo moriting wa Egepeto. Mme phemelo ya ga Farao e tla lo fetogela ditlhong; botshabelo mo moriting wa Egepeto bo tla lo fetogela tshilofalo. Gonne le fa dikgosana tsa bone di gorogetse kwa Soane, le fa barongwi ba bone ba fitlhile kwa Hanese, botlhe ba tla swaba ka ntlha ya morafe o o sa ba thuseng sepe, o o se nang pholoso, le fa e le thuso, fa e se ditlhong le kgala fela.” Taelo ya Modimo ka ga Diphedi tsa Borwa: “Mo nageng ya tlalelo le pitlagano, fa go leng tau e namagadi le e tonanyana, le lebolobolo le kgwanyape e e fofang, ba isa dithoto tsa bone tse ba di belesitseng mo mekokotlong ya diesele, le mahumo a bone a ba a belesitseng mo diroteng tsa dikammele, ba di isa kwa morafeng o o sa ba thuseng sepe. Thuso ya Egepeto ga se ya sepe, ke ya lefelafela. Ke ka moo ke mmiditseng: ‘Sebata se se itulelang fela.’ “Jaanong tsamaya o kwale mafoko a mo letlapeng fa pele ga bone, o a kwale mo lokwalong gore a nne bosupi mo metlheng e e tlang ka bosakhutleng. Gonne ke morafe wa moferefere, ke bana ba maaka, ke bana ba ba ganang go utlwa molao wa Morena, ba ba rayang baboni ba re: ‘Lo se ka lwa bona;’ ba raya baporofeti ba re: ‘Lo se ka lwa re rerela boammaaruri! Re boleleleng tse di ka re kgatlhang; re rereleng tsa tsietso! Fapogang mo tseleng, tswang mo mmileng, khutlisang go bua le rona ka ga Moitshepi wa Iseraele.’ ” Ka ntlha ya tseo Moitshepi wa Iseraele o bua jaana a re: “E re ka lo latlha lefoko le, mme lo ikanya kgatelelo le tshokamo, lo ikaega ka tsona, ka moo boikepo jo, bo tla nna mo go lona jaaka seripa se se sekameng mo loboteng lo lo godimo, se se batlang go wa, se go wa ga sona go dirafalang ka tshoganyetso le ka ponyo ya leitlho. O tla se thubaganya jaaka nkgo ya mmopi e thubega, e e pšhwetlwang, ba sa e rekegele; e gare ga mangetana a yona go sa fitlhelweng lengeta le le lekanyeng go ka ogola molelo mo leisong ka lone, le fa e le go ga metsi mo sedibeng ka lone.” Gonne Morena Modimo, Moitshepi wa Iseraele, o buile jaana a re: “Fa lo ka tlhabologa le go iketla, lo tla pholosiwa; fa lo ka didimala le go ikanya, lo tla nna thata.” Mme lo ganne, lwa re: “Nnyaya! Re tla tshaba ka dipitse” – ka moo lo na le go tshaba! Lwa re: “Re tla tana dipitse tse di lebelo” – ka moo ba tla nna lebelo ba ba lo latelelang. Ba le sekete ba tla tshaba ka kgalemelo ya motho a le mongwe; lo tla tshaba ka theregiso ya ba batlhano go fitlhelela lo tlogelwa jaaka kota ya sefoka e e mo godimo ga thaba le jaaka sefoka se se mo thabaneng. Ke gona ka moo Morena a lo letelang gore a lo itshwarele; ke ka moo a tsogang gore a lo tlhomogele pelo. Gonne Morena ke Modimo wa tshiamo. Go tshegofaditswe botlhe ba ba solofelang mo go ene. Ee, lona morafe o o mo Sione, lo tla aga mo Jerusalema. Ga lo nke lo tlhola lo lela. Ruri, fa a utlwa lentswe la selelo sa lona, o tla lo itshwarela; fa a se utlwa, o tla lo araba. Morena o tla lo naya dijo tsa tlalelo le metsi a pitlagano, mme baruti ba lona ga ba kitla ba tlhola ba iphitlha. Matlho a lona a tla nna a bona baruti ba lona. Fa lo fapogela mo ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema, ditsebe tsa lona di tla utlwa lentswe fa morago ga lona le le reng: “Tsela ke e, tsamayang mo go yona.” Medimo ya diseto ya lona e e manegilweng selefera, le ya ditshwantsho tsa lona tse di bopilweng tse di manegilweng gouta, lo tla e kaya makgapha, lo e latlha jaaka maila, lo e raya lo re: “Tlogang fa!” Mme dijwalo tsa lona tse lo di jwetseng mo tshimong, Morena o tla di nesetsa pula, a lo naya dijo tse di tswang mo tshimong tse di monate tsa letlotlo. Mo metlheng eo dikgomo tsa lona di tla fula mo mafulong a a atlhameng. Dipholo le dieselana tse di lemang tshimo di tla ja dijo tse di lokilweng tse di tlhakantsweng, tse di olositsweng ka tlatla le ka loselo. E tla re dikago tsa tlhaselo di wa mo letsatsing la polao e kgolo, go nne dinoka le dinokana tsa metsi mo dithabeng tsotlhe tse dikgolo le mo mebotong yotlhe e e godimo. E tla re ka letsatsi le Morena a fapang tshenyego ya morafe wa gagwe ka lone, a fodisa dintho tse ba di ntshitsweng, lesedi la ngwedi le tshwane le lesedi la letsatsi; lesedi la letsatsi le tla oketsega gasupa jaaka lesedi la malatsi a a supa. Bonang, leina la Morena le e tla, le tswa kwa kgakala; bogale jwa gagwe ke jo bo tukang, ke jo bo makete thata. Molomo wa gagwe o tletse kgalefo, loleme lwa gagwe lo tshwana le molelo o o nyeletsang. Mowa o a o ntshang o tla tshwana le noka e e tlang jaaka morwalela, e e fitlhang fa molaleng gore a kgarakgatshe ditšhaba ka kgadikanyo e e di isang mo tatlhegong. Kgole e e timetsang e mo marameng a merafe. Mme lo tla opela difela jaaka mo bosigong jwa go dira moletlo o o boitshepo, lo itumela ka pelo jaaka ba ba yang kwa thabeng ya Morena, kwa lefikeng la Iseraele, ba ntse ba letsa ditlhaka. Morena o tla utlwatsa tumo ya maru ya borena jwa gagwe, a bonatsa go itaya ga letsogo la gagwe ka bogale jo bo tukang le ka kgabo ya molelo o o nyeletsang le ka ledimo le ka pula ya sephaphathela le ka matlapana a sefako. Gonne Asiria o tla tshosiwa ke kodu ya Morena yo o mo otlang ka thupa. Kotlo nngwe le nngwe ya thupa e o e atlholetsweng, e Morena a mo otlang ka yona, e tla dirafala ka meropa le diharepa, mme o tla tlhabana nabo ka letsogo le le kgadikanang. Gonne felo ga phisetso go setse go baakantswe gale; le gona go baakanyeditswe kgosi; go boteng, go atlhame. Mokoa wa molelo le wa dikgong wa gona o mogolo thata. Mowa wa Morena o o tshwanang le nokana ya sebabole o tla o tshuba. A tatlhego wee ya ba ba yang kwa Egepeto go batla thuso; ba ba ikaegang ka dipitse, ba ba ikanyang dikoloi tsa ntwa, ka di le dintsi, le bapalami, ka ba le bantsi thata; mme ba sa lebe Moitshepi wa Iseraele, ba sa batle Morena. Mme le ene o botlhale. O tla tlisa petso, a sa fetole mafoko a gagwe. O tla tsogela ntlo ya basenyi le thuso ya badirabosula. Kana Baegepeto ke batho, ga se Modimo. Dipitse tsa bone ke nama, ga se mowa. E tla re Morena a otlolola letsogo, mothusi a kgotšwe, mothusiwi a we; botlhe ba tla nyelela mmogo. Gonne Morena o buile jaana le nna a re: “Tau le tawana di rora godimo ga thopo e di e tshwereng, fa badisa ba bantsi ba bilediwa kwa go tsona; mme ga di tshoge ka ntlha ya mekgosi ya bone, ga di tshabe modumo wa bone.” Morena wa masomosomo o tla fologa jalo gore a tlhabane mo thabeng ya Sione le mo thabaneng ya yona. Morena wa masomosomo o tla sireletsa motse wa Jerusalema jaaka go dira dinonyane ka diphuka; o tla o femela, a o pholosa, a o rekegela, a o thusa. Lona Baiseraele, boelang kwa go ene yo lo mo tlogetseng ka boikepo jo bo boteng. Gonne mo metlheng eo mongwe le mongwe o tla latlha medimo ya gagwe ya selefera le medimo ya gagwe ya gouta, e lo e itiretseng ka diatla tsa lona go leofa ka yona. Mme Baasiria ba tla wa ka tšhaka ya yo e seng monna; tšhaka ya yo e seng motho e tla ba nyeletsa. Ba tla tshaba tšhaka. Batlhabani ba bone e tla nna batlhanka. Lefika la bone le tla nyelela ka ntlha ya poifo. Dikgosana tsa bone di tla tlogela sefoka di tshogile. Go buile Morena jalo, yo o nang le molelo mo Sione le leiso mo Jerusalema. Bonang, kgosi e tla busa ka molao; dikgosana di tla laola ka tshiamo. Mme mongwe le mongwe o tla nna jaaka botshabelo mo ledimong, le jaaka leobo mo puleng, le jaaka dinoka tsa metsi mo nageng e e omeletseng, le jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng ya lenyora. Matlho a baboni ga a kitla a tlhola a fatlhega. Ditsebe tsa bautlwi di tla utlwelela. Dipelo tsa ba ba makgakga di tla tlhaloganya kitso. Diteme tsa ba ba koakoetsang di tla bua sentle ka thanolo. Lesilo ga le nke le tlhola le bidiwa letlhale. Molotsana ga a nke a bidiwa motlotlegi. Gonne lesilo le bua bosilo. Pelo ya lone e loga maano a boithamako gore le dire tsa boikepo, le ganetse Morena ka tse di sokameng, le time yo o tshwerweng ke tlala, le tlhokise yo o bolawang ke lenyora metsi. Dibolai tsa molotsana di bosula. O loga maano a a sokameng gore a senyetse babogisegi ka dipolelo tsa maaka, le fa mohumanegi a bua nnete fela. Mme yo o pelontle o akanya tsa bopelontle, le gona o tla nna a emela tsa bopelontle. Lona basadi ba lo iketlileng, tsogang lo utlwe lentswe la me! Lona barweetsana ba lo tlhokomologang, sekegelang mafoko a me tsebe! E tla re ngwaga o sena go feta le malatsi mangwe, lo tetesele, lona ba lo sa tshwenyegeleng sepe. Gonne go fula maungo a moweine go fedile; go phutha maungo a ditlhare ga go teng. Roromang, lona basadi ba lo iketlileng! Teteselang, lona barweetsana ba lo tlhokomologang! Apolang gotlhe, lo apare diaparo tsa bohutsana. Itshwareng diledu lo lelele masimo a mantle le moweine o o ungwang sentle, le tshimo ya morafe wa me e e tlhogang mesu le ditshetlho; ee, lo lelele matlo otlhe a boitumelo le motse o o duduetsang. Gonne matlo a borena a tlogetswe, modumo wa motse o fetogile tidimalo. Thabana le serala sa ditlhodi e tla nna naga fela ka go sa feleng, fa diesele di itumelang teng, fa matsomane a fulang teng, go fitlhelela rona re goromelediwe Mowa o o tswang kwa godimo. Foo sekaka se tla fetoga tshimo ya ditlhare tse di ungwang, mme tshimo ya ditlhare tse di ungwang e tla kaiwa sekgwa. Mme molao o tla bo o agile mo sekakeng, tshiamo e tla nna mo tshimong ya ditlhare tse di ungwang. Foo tiro ya tshiamo e tla nna kagiso; leungo la molao e tla nna boikhutso le boiketlo ka go sa feleng. Morafe wa me o tla nna mo felong ga kagiso, mo matlong a a sireleditsweng, mo maikhutsong a boiketlo. Mme sefako se tla na, fa sekgwa se digwa; motse o tla kokobelela fa fatshe. Lo letlhogonolo, ka masimo otlhe a lona a le fa metsing, ka lo funolola maoto a kgomo le esele gore di itsamaele gongwe le gongwe. A tatlhego ya gago wee, wena mosenyi yo o sa senyediwang! A tatlhego ya gago wee, wena molotsana yo o sa direlwang ka bolotsana. E tla re o sena go senya, o senngwe ka wesi; e re fa o khutlile go dira ka bolotsana, ba go direle ka bolotsana. Morena, re tlhomogele pelo! Re go letile. O nne letsogo la rona mo mesong yotlhe. Ee, o nne thuso ya rona mo sebakeng sa tlalelo. Merafe e tshaba modumo wa loratla; fa o tsoga, ditšhaba di a phatlalala. Mme thopo e tla phuthwa jaaka molome o phutha. Ba sianela teng jaaka tsie e siana. Morena o godisitswe, gonne o agile kwa godimo. O tladitse Sione molao le tshiamo. Go tla nna tlhomamo ya metlha ya gago, e leng khumo ya pholoso e e tletseng le botlhale le kitso. Go boifa Morena ke lehumo la teng. Bonang, diganka di goa kwa ntle. Barongwi ba kagiso ba lela ka bogalaka. Ditsela di senya. Ga go na yo o fetang. O sentse kgolagano, a nyatsa basupi, a sa re sepe ka batho. Lefatshe le hutsafetse, le a swaba. Lebanone o tlhajwa ke ditlhong, o a omelela. Leboa la Sarone ke naga fela. Basane le Karemele di tlhotlhoregile matlhare. “Jaanong ke tla ema,” go bua Morena. “Jaanong ke tla itlotla. Jaanong ke tla itshupa ke le mogolo. Lo tla ithwala moko, lo belega dirite. Go budula ga lona ke molelo o o tla lo nyeletsang ka losi. Merafe e tla nna matlapa a kalaka a a fisiwang; e tla nna ditlhare tsa mitlwa tse di remilweng tse di šwang mo molelong. Ba lo kwa kgakala, utlwang se ke se dirileng! Ba lo gaufi, itseng thata ya me!” Baleofi ba Sione ba tshogile. Teteselo e tshwere balotsana ba re: “Ke mang mo go rona yo o ka nnang fa molelong o o nyeletsang? Ke mang mo go rona yo o ka nnang fa dikgabong tse di sa khutleng?” Yo o dirang ka tshiamo a bua nnete; yo o nyatsang khumo ya kgatelelo a tlhotlhora diatla gore di se ka tsa amogela thelesetso; yo o ithibang ditsebe gore a se ka a utlwa melato ya go tsholola madi; yo o budulatsang matlho gore a se ka a bona bosula, a kgatlhega. Ke ene yo o tla agang mo mafelong a a godimo. Dikago tsa phemelo tsa mafika ke botshabelo jwa gagwe. Ke ene yo o fiwang dijo tsa gagwe. Metsi a gagwe ga a kgale. Matlho a gago a tla leba kgosi e le mo bontleng jwa yona; a bona lefatshe le le atlhameng. Pelo ya gago e tla gakologelwa sebaka sa therego e re: “O kae yo o neng a bala madi? O kae yo o neng a lekanya ka sekale? O kae yo o neng a bala dikago tsa phemelo?” Ga o kitla o tlhola o bona morafe o o matepe, morafe wa puo e e boteng e e sa utlwaleng, wa loleme lo lo koakoetsang lo lo sa tlhaloganngweng. Leba Sione, motse wa meletlo ya rona! Matlho a gago a tla bona Jerusalema e le boago jo bo femetsweng, e le tente e e sa hudugeng, e dimapo tsa yona di sa tlhomolelweng ka go sa feleng, e dithapo tsotlhe tsa yona di sa kgaogeng. Mme gona foo Morena o tla nna le rona e le yo o galalelang mo felong ga dinoka tse dikgolo; mme mekoro ga e ka ke ya tsamaya mo go tsona. Sekepe se segolo ga se nke se feta mo go tsona. Gonne Morena ke moatlhodi wa rona; Morena ke molaodi wa rona; Morena ke kgosi ya rona. Ke ene yo o tla re pholosang. Dithapo tsa gago di repile; ga di tshware kota ya diseile; ga di gagamatse masela. Foo ba tla abela khumo ya thopo e kgolo. Ditlhotsi di tla itseela se se thukhuthilweng. Go tla bo go se na monni ope yo o reng: “Ke a lwala.” Gonne morafe o o agileng teng o itshwaretswe melato. Lona ditšhaba, atamelang lo utlwe; lona merafe, tlhokomelang! A go utlwe lefatshe le tse di tletseng mo go lone; a go utlwe naga le tsotlhe tse di melang mo go yona! Gonne Morena o bogale le ditšhaba tse tsotlhe; o galefetse masomo otlhe a tsona; o a hutsitse, a a neela mo polaong. Babolawi ba tsona ba latlhwa fela. Direpa tsa bone di tlhatlosa sebodu sa tsona. Dithaba di ela madi a bona. Masomo otlhe a legodimo a tla nyelela. Legodimo le menwa jaaka lokwalo. Masomo otlhe a lone a swaba jaaka go swaba matlhare a moweine, jaaka matlhare a feie a tlhotlhorega mo setlhareng. Bonang, e tla re fa tšhaka ya me e gaketse kwa legodimong, e wele mo go Etomo, mo morafeng o ke o hutsitseng gore e dirafatse katlholo. Tšhaka ya Morena e tletse madi, e tlhamuketse mafura le madi a dikwana le a diphoko le mafura a diphilo tsa diphelehu. Gonne Morena o na le setlhabelo kwa Bosera le polao e kgolo kwa lefatsheng la Etomo. Mme dinare di tla wa natso mmogo le dipholo le dipoo. Lefatshe la bone le tla kgora madi. Naga ya bone e tla nontshiwa ka mafura. Gonne Morena o beile letsatsi la pusoloso le ngwaga wa tefetso, e le go atlholela Sione. Dinoka tsa gagwe di fetoga boka, mmu wa gagwe o fetoga sebabole. Lefatshe la gagwe e tla nna boka jo bo tukang; jo bo sa timeng bosigo le motshegare. Musi wa teng o ntse o tlhatloga ka go sa feleng. E tla nna sekaka mo ditshikeng tsotlhe, go se yo o le ralalang ka metlha le metlha. Sefudi le setlhong di tla le rua. Morubisi le legakabe di tla nna mo go lone. Mme Morena o tla gagamatsa mogala o o lekanyang le wa serophiso mo go lone, e le go le tobekanya le go le fetola sekaka. Batlotlegi ba lone – ga go na bogosi teng jo ba ka bo tlhabelang mokgosi. Dikgosana tsotlhe tsa lone di nyeletse. Mitlwa e tla tlhoga mo matlong a borena a lone. Bogopa le tshetlho di tla mela mo dikagong tsa phemelo tsa lone. E tla nna meago ya diphokojwe le lesaka la bontšhwe. Dibatana tsa sekaka di tla kgatlhana le diphiri teng. Didimo tsa sekaka di tla kopana gona. Ee, ke teng foo fela kwa sepoko sa bosigo se nnang teng, se iponela boikhutso. Mokopa o na le mosima teng, o tsala mae, o a elama, o a thuthusa mo moriting wa ona. Ee, manong a tla kgobokana teng; lengwe le lengwe le kopana le selekane sa lone. Tlhotlhomisang mo lekwalong la Morena lo buise: Ga go tlhokafale sepe sa dilo tse. Ga go sephedi sepe se se tlhokang selekane sa sona. Gonne molomo wa me ke ona o o laotseng jalo. Mowa wa gagwe ona o phuthile. Ene ka esi o di tlhametse tengwa, seatla sa gagwe sa di abela lefatshe la Etomo ka mogala o o lekanyang. Di tla le rua ka go sa feleng, di nna mo go lone mo ditshikeng tsotlhe. A sekaka se itumele le naga e e omeletseng! A leboa le duduetse, le thunye jaaka sešeše! Ee, le tla thunya, le duduetsa. Le gona le tla ipela, le duduetsa. Le filwe kgalalelo ya Lebanone le bontle jwa Karemele le jwa Sarone. Bone bale ba tla bona kgalalelo ya Morena le bontle jwa Modimo wa rona. Nonotshang diatla tse di repileng! Tiisang mangwele a a kgwetlhang! Rayang ba ba pelo-di-boi lo re: “Gomotsegang, se boifeng! Bonang, Modimo wa lona ke ole. O e tla go busolosa. Tefetso ya Modimo e e tla. O e tla ka osi, o tla re thusa.” Foo matlho a difofu a tla foufologa, ditsebe tsa disusu di tla kabologa. Foo ditlhotsi di tla tlola jaaka tshephe. Loleme lwa semumu lo tla duduetsa. Metsi a tla phunyega mo sekakeng, dinoka di ela mo nageng e e omeletseng. Motlhaba o o fisang o tla fetoga letsha. Naga e e omeletseng e tla fetoga metswedi ya metsi. Mo felong fa diphokojwe di neng di robala teng go tla nna motlhaka le motlhatlha. Go tla nna mmila o mogolo teng le tsela e e bidiwang tsela e e boitshepo. Ga e na go gatwa ke ope yo o kgotlelegileng. Ke ya bone ba ba tsamayang mo go yona; mme le fa e le masilo, ga a nke a timela. Go tla bo go se na tau teng; dibata tse di garolang, ga di kitla di e gata, le e seng go fitlhelwa teng, mme ba ba pholositsweng ba tsamaya mo go yona. Ba ba rekolotsweng ba Morena ba tla boa, ba fitlha mo Sione ka tuduetso. Boitumelo jo bo sa khutleng bo tla okama ditlhogo tsa bone. Ba tla nna mo boitumelelong le mo lethabong. Bohutsana le diphegelo di tla tshabela kgakala. E rile ka ngwaga wa 14 wa kgosi Hesekia, Saneheribe, kgosi ya Asiria, a bololela metse yotlhe e e femetsweng ya Juta, a e thopa. Ke fa kgosi ya Asiria e roma mothoki yo mogolo kwa go kgosi Hesekia kwa Jerusalema, a na le mephato e megolo ya batlhabani, a tswa kwa Lagiše; a tla a ema fa moseleng wa letsha le le kwa godimo fa tseleng ya tshimo ya motlhatswi wa masela. Ke fa Eliakime, morwa Hilekia, yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi, le Sebena, mokwaledi, le Joa morwa Asafe, seatla sa kgosi, ba tswela kwa go ene. Mme mothoki yo mogolo a ba raya a re: “A ko lo bolelele Hesekia lo re: ‘Kgosi e kgolo, kgosi ya Asiria, e bua jaana e a re: Ke eng se o se ikanyang se se ikanyegang? A wena o a re, go bua mafoko fela ke one maano le thata ya ntwa? Jaanong he, o ikanya mang, fa o ntsogetse? Bona he, o ikanya seikokotlelo seo sa lotlhaka lo lo pšhwetlegileng sa Egepeto, lo e ka reng fa motho a ikaega ka lone, lwa mo tsena mo seatleng, lwa se phunya: Farao, kgosi ya Egepeto, o direla botlhe jalo ba ba mo ikanyang. Mme fa o ka nthaya o a re: Re ikanya Morena, Modimo wa rona. A ga se ona o Hesekia o tlositseng dithota tsa ditlhabelo tsa ona le dialetare tsa ona, a raya Juta le Jerusalema a re: Obamelang fela fa pele ga aletare e? Mme jaanong, a ko o dire peelano le morena wa me, kgosi ya Asiria: Ke tla go naya dipitse di le kete tse pedi, fa o kgona go ntsha bapalami ba tsona. Mme o ka leleka jang batlhasedi ba molaodi a le mongwe fela wa batlhanka ba ba botlana ba morena wa me? Kampo a o ikanya Egepeto ka ntlha ya dikoloi tsa ntwa le ka ntlha ya bapalami ba dipitse? Mme jaanong a o a re ke bololetse go senya lefatshe leno ke sa laelwa ke Morena? Nnyaya! Morena o ntheile a re: Bololela lefatshe leo, o le senye!’ ” Ke fa Eliakime le Sebena le Joa ba raya mothoki yo mogolo ba re: “A ko o bue le batlhanka ba gago ka Sesiria, gonne re a se utlwa. Se bue le rona ka Sejuta mo ditsebeng tsa batho ba ba mo loboteng.” Mme mothoki yo mogolo a fetola a re: “A morena wa me o nthomile kwa moreneng wa gago le kwano go wena go bua mafoko a? A ga a nthoma kwa banneng ba ba ntseng mo loboteng gore ba je mantle a bone, ba nwe moroto wa bone mmogo le bona?” Mothoki yo mogolo a ba a ema fa gaufi, a kua ka kodu e e kwa godimo ka Sejuta a re: “Utlwang mafoko a kgosi e kgolo, a kgosi ya Asiria! Kgosi e buile jaana ya re: ‘A Hesekia a se ka a lo tsietsa! Gonne ga a kgone go lo pholosa. Le gona a Hesekia a se ka a lo ikanyisa Morena ka go re: Ruri, Morena o tla re pholosa. Motse o ga o nke o neelwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria. Lo se ka lwa utlwa Hesekia! Gonne kgosi ya Asiria e bua jaana e a re: Agisanyang le nna, lo tswele kwano go nna. Foo mongwe le mongwe wa lona o tla ja moweine wa gagwe le mofeie wa gagwe le go nwa metsi a sediba se gagwe; go ya go fitlhela ke tle ke lo tseele kwa lefatsheng le le tshwanang le la lona, kwa lefatsheng la mabele le matute a moweine, kwa lefatsheng la bogobe le masimo a moweine. A Hesekia a se ka a lo aketsa a lo raya a re: Morena o tla re pholosa! A mongwe wa medimo ya ditšhaba o kile wa pholosa lefatshe la ona mo seatleng sa kgosi ya Asiria? E kae medimo ya Hamathe le ya Arephate? E kae medimo ya Sefarwaime? A e ne ya golola Samaria mo seatleng sa me? Ke efe medimo mo medimong yotlhe ya mafatshe e e kileng ya pholosa mafatshe a yona mo seatleng sa me, fa lo re, Morena o tla pholosa Jerusalema mo seatleng sa me?’ ” Mme ba didimala fela, ba se ka ba mo fetola ka lefoko lepe. Gonne taelo ya kgosi e ne e re: “Lo se ka lwa mo araba!” Ke fa Eliakime, morwa Hilekia, yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi, le Sebena, mokwaledi, le Joa morwa Asafe, letsogo la kgosi, ba tla kwa go Hesekia, ba ikgagotse diaparo, ba mo itsise mafoko a mothoki yo mogolo. E rile kgosi Hesekia a utlwa, a ikgagola diaparo, a apara diaparo tsa khutsafalo, a ya kwa Ntlong ya Morena. A ba a roma Eliakime yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi, le Sebena, mokwaledi, le bagolo ba baperesiti, ba apere diaparo tsa khutsafalo; a ba roma kwa go moporofeti Jesaya morwa Amotse. Mme ba mo raya ba re: “Hesekia o bua jaana a re: ‘Letsatsi le ke letsatsi la tlalelo le kotlo le kgalo; gonne bana ba gaufi le go tsalwa, mme ga go na thata ya go ka belega. Ka gongwe Morena, Modimo wa gago, o tla utlwa mafoko a mothoki yo mogolo yo o romilweng ke morena wa gagwe, kgosi ya Asiria, gore a tle go kgala Modimo o o phelang; a mmeletsa mafoko a Morena, Modimo wa gago, o a utlwileng. Jaanong a ko o rapelela masalela a a sa ntseng a le teng.’ ” Jaanong ya re batlhanka ba kgosi Hesekia ba fitlha kwa go Jesaya, Jesaya a ba raya a re: “Rayang morena wa lona lo re: ‘Morena o bua jaana a re: Se boife mafoko a o a utlwileng, a basimane ba kgosi ya Asiria ba ntlhapaditseng ka ona. Bona, ke tla tsenya mowa mo go yona gore e utlwe modumo, e boele kwa lefatsheng la yona. Ke tla ba ke e diga ka tšhaka mo lefatsheng la yona.’ ” Ya re mothoki yo mogolo a boa, a fitlhela kgosi ya Asiria e tlhasela Lebena; gonne o ne a utlwile gore e tlogile kwa Lagiše. Ke fa Saneheribe a utlwa go twe, Thirehaka, kgosi ya Ethiopia, o bolotse go tlhabana nao. Ya re a utlwa, a roma barongwi kwa go Hesekia a re: “Rayang Hesekia, kgosi ya Juta, lo re: ‘A Modimo wa gago o se ka wa go tsietsa o ò o ikanyang o ithaya o re, Jerusalema ga a nke a neelwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria. Bona, o utlwile ka wesi se dikgosi tsa Asiria di se diretseng mafatshe aotlhe, tsa a senya gotlhe. A o a re, wena o ka phologa? A medimo ya ditšhaba tse borre ba di nyeleditseng e ne ya di pholosa, e bong Gosane le Harane le Resefe, le batho ba Etene ba ba neng ba le kwa Thelasare? E kae kgosi ya Hamathe le kgosi ya Arephate le kgosi ya motse wa Sefarwaime le ya Hena le ya Iwa?’ ” Ya re Hesekia a sena go amogela lokwalo mo diatleng tsa barongwi le go lo buisa, a ya kwa Ntlong ya Morena, a lo phutholola fa pele ga Morena. Hesekia a ba a rapela Morena a re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, yo o ntseng godimo ga boKerubime! Ke wena Modimo o le wesi fela wa magosi aotlhe a lefatshe. Wena o dirile legodimo le lefatshe. Morena, sekega tsebe o utlwe! Morena, budulola matlho, o bone! Utlwa mafoko aotlhe a ga Saneheribe a o a rometseng go kgala Modimo o o phelang. Ke nnete, Morena, dikgosi tsa Asiria di sentse ditšhaba tsotlhe le mafatshe a tsona, tsa latlhela medimo ya tsona mo molelong, tsa e nyeletsa; gonne e ne e se medimo, e ne e le tiro ya diatla tsa batho, e le dikgong le majwe fela. Jaanong, Morena, Modimo wa rona, re golole mo seatleng sa gagwe gore magosi otlhe a lefatshe a tle a itse, fa wena Morena o le Modimo o le wesi.” Ke fa Jesaya, morwa Amotse, a romela kwa go Hesekia a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Se o se nthapetseng ka ntlha ya ga Saneheribe, kgosi ya Asiria, ke se utlwile.’ Lefoko le Morena o le buang ka ga gagwe ke le le reng: ‘Lekgarebe, morwadia Sione, le a go nyatsa, le a go sotla; morwadia Jerusalema o thikhitha tlhogo fa morago ga gago. O kgadile mang? O kgobile mang? O tlhatloseditse mang lentswe? O tsholeleditse mang matlho kwa godimo? Ke Moitshepi wa Iseraele! O kgadile Morena ka batlhanka ba gago wa re: Ke palame ditlhoa tsa dithaba ka bontsi jwa dikoloi tsa me tsa ntwa le mafelelelo a Lebanone, ka rema mesetere e megolo le mesiperese e mentle ya teng, ka fitlha kwa setlhabeng sa teng, kwa sekgweng sa tshimo ya ditlhare. Ke epile, ka nwa metsi a mafatshe a sele; ka kgadisa dinoka tsotlhe tsa Egepeto ka kgato ya dinao tsa me. “ ‘A ga o a ka wa utlwa? Tse ke di dirafaditseng jaanong, ga ke bolo go di akanya le go di ikaelela bogologolo gore wena o senye metse e e femetsweng, e fetoge mekoa ya marope. Mme baagi ba yona ba ne ba repa mabogo, ba tshoga, ba tlhajwa ke ditlhong, ba nna jaka morogo wa naga le jaaka botalana jo bošwa le jaaka bojang jo bo mo dithulelong le jaaka mabele a a iseng a gole. “ ‘Ke itse go nna ga gago le go tswa ga gago le go tsena ga gago le ka fa o ntsogelang ka loratla ka teng. Jaanong e re ka o ntsogela ka loratla, e re ka boikgantsho jwa gago bo utlwetse mo ditsebeng tsa me, ke tla tsenya mogolasetso wa me mo dinkong tsa gago le mogala wa me mo molomong wa gago, ke go busetsa kwa morago ka tsela e o tsileng ka yona.’ “Mme se e tla nnang sesupo mo go wena, Hesekia, ke se: Monongwaga go tla jewa se se ijwetseng; isago matshwabudu, mme ka ngwaga wa boraro lo jwale, lo kotule, lo leme masimo a moweine, lo je maungo a ona. Mme masalela a Bajuta a a falotseng a tla namela medi kwa tlase, a ungwa maungo kwa godimo. Gonne masalela a tla tswa mo Jerusalema le ba ba falotseng mo thabeng ya Sione. Tlhoafalo ya Morena wa masomosomo e tla dira jalo. “Ke ka moo Morena a buang jaana ka ga kgosi ya Asiria a re: ‘Ga e ka ke ya tsena mo motseng o, le e seng go hulela motsu mo teng; ga e ka ke ya o atamela ka thebe le e seng go dira mapalamo ka mmu fa go ona. E tla boa ka tsela e e tsileng ka yona. Ga e kitla e tsena mo motseng o, go bua Morena. Gonne ke tla sireletsa motse o, ke o pholosa ka ntlha ya me le ka ntlha ya ga Dafita, motlhanka wa me.’ ” Ke fa moengele wa Morena a bolola, a itaya banna ba le dikete di le 185 mo bothibelelong jwa Baasiria. Ya re ba phakela ka moso, ba fitlhela botlhe bao e le ditoto fela. Foo Saneheribe, kgosi ya Asiria, a tloga, a tsamaya, a boela kwa gae, a nna mo Ninife. Jaanong ya re a obamela mo tempeleng ya ga Niseroge, modimo wa gagwe, a bolawa ke Ateramelege le Saresere bomorwawe ka tšhaka. Ba tloga ba tshabela kwa lefatsheng la Ararate, mme Esarehatone morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Mo metlheng eo Hesekia o ne a lwala la go swa. Ke fa moporofeti Jesaya, morwa Amotse, a tla kwa go ene, a mo raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Laela ba lapa la gago! Gonne o tla swa; ga o kitla o phela.’ ” Ke fa Hesekia a gadimela kwa loboteng, a rapela Morena a re: “Ao Morena, a ko o gakologelwe ka fa ke sepetseng ka teng fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo yotlhe, ka dira tse di molemo mo matlhong a gago.” Hesekia a ba a lela thata. Ke fa lefoko la Morena le fitlha kwa go Jesaya le re: “Yaa o ree Hesekia o re: ‘Morena, Modimo wa ga Dafita rraago, o bua jaana a re: Ke utlwile thapelo ya gago, ka bona dikeledi tsa gago. Bona, ke tla okeletsa malatsi a gago dinyaga di le 15. Le gona ke tla go pholosa mmogo le motse o, mo seatleng sa kgosi ya Asiria; ke tla femela motse o.’ “Jaanong sesupo se se tswang mo Moreneng, se se tla go supetsang, fa Morena a tla dirafatsa lefoko le a le buileng, ke se: Bona, ke tla busa moriti wa letsatsi mo go sesupa-nako sa ga Ahase dikgato di le some, tse o setseng o di fetile!” Ke fa moriti wa letsatsi o boa dikgato di le some, tse o setseng o di fetile. E rile Hesekia, kgosi ya Juta, a sena go lwala le go fola gape, a kwala lokwalo lo lo reng: “Ke ne ke rile: ‘Ke na le go ya kwa dikgorong tsa felo ga baswi ke sa le motho yo mošwa. Ke otlilwe ka go kgaolelwa dinyaga tsa me tse di setseng.’ Ke rile: ‘Ga nkitla ke tlhola ke bona Morena mo lefatsheng la ba ba phelang; ga nkitla ke tlhola ke leba batho mo baaging ba lefatshe. Boago jwa me bo rutlilwe, bo tlositswe mo go nna jaaka mogope wa badisa; ke menne bophelo jwa me jaaka mologi a mena masela. Morena o nkgaotse mo morutseng. O fedisitse bophelo jwa me e sa le motshegare, bosigo bo ise bo tle.’ Ke ne ke re ke ikgomotsa go fitlha mosong, mme a roba marapo otlhe a me jaaka tau. O fedisitse bophelo jwa me e sa le motshegare, bosigo bo ise bo tle. Ke ne ka lela jaaka peolwane le mogolori, ka lela jaaka leeba. Matlho a me a ne a lelala a lapile, ka re: ‘Morena, ke mo pitlaganong, nkemele!’ Ke tla reng? Tse o di ntsholofeditseng o di dirafaditse. Ke tla sepela ka boiketlo mo dinyageng tsotlhe tsa me ka ntlha ya botlhoko jwa mowa wa me. “Morena, ba tla phela ka ntlha ya ditsholofetso tseo. Bophelo jwa mowa wa me bo mo go tsona fa gotlhe. O mphodisitse, wa mphedisa. Bona, bogalaka, ee, bogalaka jo bogolo bo mphetogetse kagiso. Wena o ratile mowa wa me, wa nntsha mo moleteng wa nyelelo; gonne o latlhetse maleo otlhe a me kwa morago ga gago. Gonne felo ga baswi ga go go leboge. Loso ga lo go tumise. Ba ba fologetseng kwa moleteng ga ba solofele boammaaruri jwa gago. Nnyaya, ke mophedi, ke ene fela yo o go lebogang jaaka nna kajeno. Rra-bana o tla itsise bana boammaaruri jwa gago. Morena ke yo o nthusang; ke ka moo re tla letsang diletso ka malatsi otlhe a bophelo jwa rona mo Ntlong ya Morena.” Jesaya o ne a laetse gore ba tlise molemo o o tutetsang wa difeie, ba o bee mo tlhagaleng gore a tle a fole. Hesekia o ne a boditse a re: “Ke eng se se ntshupetsang, fa ke tla ya gape kwa Ntlong ya Morena?” E rile ka sebaka seo Merotage-Balatane, morwa Balatane, kgosi ya Babele, a romela dikwalo le dineo kwa go Hesekia; gonne o ne a utlwile, fa a ne a lwala, a ba a fola gape. Mme Hesekia a itumelela barongwi, a ba bontsha ntlo ya mahumo a gagwe, e bong selefera le gouta le tse di nkgang monate le lookwane lo lo molemo le ntlo yotlhe ya marumo a gagwe le dilo tsotlhe tse di leng teng mo mahumong a gagwe, mme go se na sepe mo ntlong ya ga Hesekia le mo pusong yotlhe ya gagwe se a se kang a se ba supetsa. Ke fa moporofeti Jesaya a tla kwa go kgosi Hesekia, a mmotsa a re: “Ba reng banna ba? Ba tlile kwa go wena, ba tswa kae?” Hesekia a araba a re: “Ba tlile kwa go nna ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala la Babele.” A ba a botsa re: “Ba bonye eng mo ntlong ya gago?” Hesekia a araba a re: “Ba bonye tsotlhe tse di mo ntlong ya me. Ga go na sepe mo mahumong a me se ke sa se ba bontshang.” Ke fa Jesaya a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko la Morena wa masomosomo: ‘Bona, malatsi a tla tla, mogang tsotlhe tse di mo ntlong ya gago le tse borraago ba di phuthileng go fitlha kajeno di isiwang kwa Babele, go sa tlogelwe sepe, go bua Morena. Mme ba tla tsaya bangwe ba bana ba gago, ba ba tla tswang mo go wena, ba o tla ba tsalang, mme e tla nna batlhanka mo ntlong ya borena ya kgosi ya Babele.’ ” Ke fa Hesekia a raya Jesaya a re: “Lefoko la Morena le o le buileng le molemo.” A ba a re: “Kana, go tla nna kagiso le boikanyego mo malatsing a me.” “Gomotsang, gomotsang morafe wa me!” Modimo wa lona o buile jalo. “Buang le Jerusalema tse di nametsang pelo, lo mo tlhabele mokgosi o o reng: Botshwaro jwa gagwe bo fedile; molato wa gagwe o itshwaretswe; o amogetse gabedi mo seatleng sa Morena ka ntlha ya maleo otlhe a gagwe.” Lentswe la yo o bitsang la re: “Baakanyang tsela ya Morena mo nageng, lo siamisetse Modimo wa rona tsela e kgolo mo sekakeng! A dikhuti tsotlhe di katelwe! A dithaba tsotlhe le dithabana di kokobele! A naga e e magwata e rethefale! A mebotwana e nne leboa. Foo kgalalelo ya Morena e tla bonala, e bonwa ke batho botlhe mmogo. Gonne molomo wa Morena o buile jalo.” Lentswe la re: “Goa!” Ka re: “Ke goe eng?” Goa o re: “Batho botlhe ke bojang. Bontle jotlhe jwa bone bo tshwana le sethunya sa naga! Bojang bo a omelela, sethunya se swabe, fa mowa wa Morena o di budula. Ka nnete, morafe ke bojang. Bojang bo a omelela, sethunya se swabe. Mme Lefoko la Modimo wa rona lone le tlhomame ka bosakhutleng.” Sione, motlhaba-mokgosi wa boitumelo, palama mo thabeng e e godimo; Jerusalema, motlhaba-mokgosi wa boitumelo, tlhatlosa lentswe ka thata, o le tsholetse, o se boife, o ree metse ya Juta o re: “Bonang, Modimo wa lona ke o!” Bonang, Morena Modimo o e tla a le thata; letsogo la gagwe le a busa. Bonang, o na le tuelo ya gagwe; papadi ya gagwe e mo etelela pele. O fudisa letsomane la gagwe jaaka modisa; o phutha dikwana ka letsogo, a di tshola mo sehubeng, a iketlisa tse di amusang. Ke mang yo o lekanyang metsi a lewatle ka khuti ya seatla sa gagwe, a lekanya legodimo ka boatlhamo jwa seatla? Ke mang yo o ka tsholang mmu otlhe wa lefatshe mo tlatlaneng, a lekanya dithaba ka sekale, le dithota ka seelo? Ke mang yo o fokisang Mowa wa Morena? Ke mang yo o ka mo rutang, a nna mogakolodi wa gagwe? O gakololanye le mang gore a mo tlhaloganyetse, a mo rute tsela ya tshiamo, a mo rute kitso, a mo supetse tsela ya ditemogo? Bonang, ditšhaba tsotlhe di tshwana le lerothodi le le mo segelelong; di kaiwa lerojana fela le le mo selekanyetsong. Bonang, o kuka ditlhakatlhake jaaka mmunyana. Dikgong tsa Lebanone ga di a lekana go gotsa molelo; diphologolo tsa gagwe ga di a lekana setlhabelo. Ditšhaba tsotlhe e kete ga se sepe fa pele ga gagwe. O di kaya lefelafela, ga a di kaye sepe. Jaanong lo ka tshwantshanya Modimo le mang? Lo tla bapisa setshwano sefe nao? Setswerere se bopa modimo wa seseto, mothudi o o manega gouta, a o direla dikeetane tsa selefera. Motlhoki yo o palelwang ke tirelo-modimo e e ntseng jalo o itlhophela setlhare se se sa boleng, a ipatlela setswerere se se maatlametlo gore se betle modimo wa seseto o o sa reketleng. A ga lo itse? A ga lo ise lo utlwe? A ga lo a itsisiwe go tswa tshimologong? A ga lo a tlhaloganya go tswa tlholegong ya lefatshe? Ke ene yo o dutseng a okame tikologo ya lefatshe – baagi ba lone ba tshwana le tsie fela – yo o phuthololang legodimo jaaka lesire, a le tsharolola jaaka tente e ba nnang mo go yona. O nyeletsa barena, a fetole baatlhodi ba lefatshe lefelafela. E a re ba tlhongwa, e re ba jwalwa, e re ka nako kutu tsa bone di namelang medi mo fatsheng, a ba budule, ba be ba omelele, mme ledimo le ba gogole jaaka moko. “Jaanong he, lo tla ntshwantshanya le mang, yo ke tshwanang nae?” Moitshepi o botsa jalo. Tsholetsang matlho, lo lelale! Ke mang yo o tlhodileng dilo tsele? Ke ene yo o bolotsang lesomo la tsona ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. E re ka a na le thata e kgolo, ka e le senatla se se nonofileng, ga go tlhokafale sepe sa tsona. Jaanong ke ka ntlha ya eng, fa o bua, Jakobe, wena Iseraele o bolela o re: “Tsela ya me e fitlhegetse Morena, tshiamelo ya me ga e tlhokomelwe ke Modimo wa me”? A o ne o sa itse, gongwe a ga o ise o utlwe, fa Morena e le Modimo o o sa khutleng, o o tlhodileng makhutlo a lefatshe? Ga a lape, ga a felelwe ke thata; tlhaloganyo ya gagwe ga e tlhotlhomisiwe. O naya yo o lapileng thata, a ntsifaletsa yo o bokoa nonofo. Makau a a lapa, a felelwa ke thata; bagale ba a kgotšwa, ba a wa. Mme ba ba lebeletseng Morena ba ntse ba fiwa thata e ntšhwa; ba tla tlhatloga ka diphuka jaaka bontsu; ba tla taboga, ba sa lape; ba tsamaya, ba sa fele thata. Lona ditlhakatlhake, ntheetseng ka tidimalo; lona merafe, a thata ya lona e ntšhwafale! A ba atamele, ba fete ba bue! A re tseneng mmogo mo tshekong! Ke mang yo o mo tsositseng kwa botlhabatsatsi yo o bonang phenyo gongwe le gongwe fa a gatang teng? Ke mang yo o mo neelang ditšhaba gore a gatake dikgosi? Ke mang yo o ba neelang mo tšhakeng ya gagwe gore ba tshwane le lerole, le mo boreng jwa gagwe gore ba tshwane le moko o o gogolwang? O a ba leleka, a fetela pele, a sa kgorelediwe ke ope; ga a ame tsela ka dinao tsa gagwe. Ke mang yo o ikaeletseng tseo, a ba a di dirafatsa? Ke yo o bitsang ditshika tsa batho go tswa tshimologong; ke nna Morena ke le wa ntlha; le mo go ba bofelo e ntse e le nna. E rile ditlhakatlhake di bona tseo, tsa boifa; dikhutlo tsa lefatshe tsa roroma, tsa atamela, tsa tla. Ba a thusanya, ba a raana ba re: “Tiang!” Mmetli a nametsa yo o batolang mo sethulelong a re: “Se re se lomantseng ke se se molemo.” A feta a se kokotela ka dimapo gore se se ka sa reketla. “Mme wena Iseraele, motlhanka wa me; wena Jakobe, yo ke go itlhaoletseng; losika lwa ga Aborahame, tsala ya me; wena yo ke go tsereng kwa makhutlong a lefatshe, ka go bitsa go tswa kwa thoko ga lone, ka go raya ka re: ‘O motlhanka wa me!’ Ke go itlhaoletse, ga ke a go nyatsa. Se boife, gonne ke na nao! Se tlalelwe, gonne ke Modimo wa gago! Ke a go tiisa, ee, ke a go thusa, ee, ke go tshegeditse ka letsogo la me le le jang le le pholosang. Bona, botlhe ba ba go gakaletseng ba tla tlhajwa ke ditlhong, ba nyatsega; banna ba ba lwang nao ba tla nyelela, ba latlhega. O tla batla banna ba ba lwang nao, mme ga o no o ba bona; banna ba ba tlhabanang nao ba tla fela, ba fetoga lefelafela. Gonne nna Morena ke Modimo wa gago; ke go tshwara letsogong le le jang, ke go raya ke re: ‘Se boife, ke a go thusa!’ ” Se boife, wena sebokwana sa Jakobe, le wena morafenyana wa Iseraele! Morena a re: “Ke a go thusa. Mogolodi wa gago ke Moitshepi wa Iseraele. Bona, ke go dira sephothi se sešwa se se bogale se se meno a mantsi; o tla photha dithaba, o di sila, o fetola meboto moko. O tla di fefera; phefo e tla di gogola, ledimo le di phatlalatsa, mme wena o tla dudueletsa Morena, o itumisa ka Moitshepi wa Iseraele. “Babogisegi le bahumanegi ba batla metsi, mme ba a tlhoka; diteme tsa bone di omeletse ka lenyora: Ke nna Morena ke tla ba utlwang; nna Modimo wa Iseraele, ga nkitla ke ba tlogela. Ke tla phunya dinoka mo dithoteng tse di iphotlhereng le didiba mo maboeng; sekaka ke tla se dira letsha la metsi, le naga e e omileng e tla tswa metswedi. Ke tla tlhoma mesetere le meoka le metlhakolane le metlhware mo sekakeng; ke jwala mmogo ditlhare tsa mesiperese le tsa palatane le tsa paina mo leboeng, gore botlhe ba bone, ba itse, ba ele tlhoko, ba tlhaloganye, fa e le seatla sa Morena se se dirileng jalo; fa e le Moitshepi wa Iseraele yo o di tlhodileng.” “Lona medimo, tlisang kgang ya lona!” Morena o bua jalo. “Atametsang mabaka a a thata a lona!” Kgosi ya ga Jakobe e bua jalo. “A e atamele, e re itsise tse di tla dirafalang! Re itsiseng tse di dirafetseng mo metlheng ya pele gore ke tse dife, gore re di ele tlhoko, re itse bokhutlo jwa tsona. Gongwe re utlwiseng tse di tla dirafalang. Re itsiseng tse di tla dirafalang kwa pele, gore re tle re itse fa lo le medimo! Ee, dirang tiro e le nngwe fela, e e molemo le fa e le e e bosula, gore re gakgamale, re e bone rotlhe. Bonang, lona ga lo ba sepe; le tiro ya lona ga se ya sepe. Yo o lo itlhaolelang o maila. “Mme nna ke tsositse kwa bokone yo o tsileng, le kwa botlhabatsatsi yo o tla rapelang leina la me gore a gatake barena ba bagolo jaaka mmopa le jaaka mmopi a duba letsopa. Ke mang yo o itsisitseng jalo go tswa mo tshimologong gore re tle re itse; le go tswa kgale gore re tle re bue re re: ‘O mo nneteng’? Kana, go ne go se ope yo o itsiseng, go se ope yo o utlwisang, go se ope yo o utlwang mafoko a lona! Ke nna wa ntlha ke itsisitseng Sione jalo ka re, ke tseo; ka naya Jerusalema motlhaba-mokgosi wa boitumelo. Mme ya re ke leba tikologong, ga bo go se ope le mo go bale; mme go se na bagakolodi ba nka ba botsang gore ba mpusetse karabo. Bonang, botlhe ba boithamako fela, ditiro tsa bone ga se tsa sepe; medimo ya diseto ya bone ke phefo fela, ke ya lefelafela. “Bonang, motlhanka wa me ke yoo, yo ke mo tshegetsang; le moitlhaolelwa wa me yo o natefelang pelo ya me. Ke mo neile Mowa wa me. O tla ntshetsa tshiamo kwa merafeng. Ga a kitla a goa le e seng go tsholetsa lentswe le e seng go le utlwatsa mo mmileng. Ga a kitla a roba lotlhaka lo lo pšhwetlegileng; ga a kitla a tima mogala wa lobone o o takatakang, mme o tla tlisa tshiamo ka nnete. Ga a nke a koafala le e seng go lapa go tsamaya a tlhome tshiamo mo lefatsheng le go tsamaya ditlhakatlhake di lebelele thuto ya gagwe.” Modimo Morena yo o tlhodileng legodimo, a le phutholola; yo o adileng lefatshe le tse di tlhogang mo go lone; yo o nayang batho ba ba mo go lone bophelo, ba ba tsamayang mo go lone mowa, o bua jaana a re: “Nna Morena, ke go biditse ka tshiamo, ka tshwara seatla sa gago, ka go boloka, ka go dira kgolagano ya morafe le Modimo le lesedi la merafe gore o budulole matlho a difofu, o ntshe batshwarwi mo botshwarong, le ba ba ntseng mo lefifing mo ntlong ya kgolegelo. “Ke nna Morena, ke lone leina la me! Mme kgalalelo ya me ga nkitla ke e naya ope o sele, le e seng go naya medimo ya diseto tlotlo ya me. Bonang, dilo tsa polelelopele di dirafetse! Mme tse dintšhwa ke a di bega, ke di lo bolelela di ise di simologe.” Opelelang Morena sefela se sešwa le tumiso ya gagwe kwa bokhutlong jwa lefatshe, lona ba lo tsamayang mo lewatleng le tse di tletseng mo go lone; lona ditlhakatlhake le ba ba agileng mo go tsona! A go kue naga le metse ya yona le metsana e Baketare ba agileng mo go yona; a go duduetse ba ba agileng mo dikgageng, a ba tlhabe mokgosi mo ditlhoeng tsa dithaba! A ba nee Morena tlotlo, ba utlwatse pako ya gagwe mo ditlhakatlhakeng! Morena o tla bolola jaaka mogale, a tlhotlheletsa tlhoafalo jaaka motlhabani. O tla tlhaba mokgosi wa tlhabano, ee, o tla duma, a fenya baba ba gagwe a re: “Ga ke bolo go didimala, ke iketlile, ke itshwere. Mme jaanong ke tla goa jaaka mosadi yo o belegang, ke budula ke be ke fegelwa. Ke tla fetola dithaba le meboto sekaka, ke omeletsa tsotlhe tse di tlhogang mo go tsona; ke tla ntsha ditlhakatlhake mo dinokeng, ke kgadisa megobe. “Ke tla goga difofu mo tseleng e di sa e itseng, ke di tsamaisa mo ditselaneng tse di iseng di di gate. Ke tla fetola lefifi lesedi fa pele ga tsona, le naga e e magwata lebala. Dilo tse ke tla di dira. Ga nkitla ke di lesa. Mme ba ba ikanyang medimo ya diseto, ba ba rayang medimo e e bopilweng ba re: ‘Lo medimo ya rona’ – ba tla boela kwa morago, ba tlhajwa ke ditlhong.” “Utlwang, lona disusu! Lona difofu, lebang kwano gore lo bone! Ke mang yo o foufetseng fa e se motlhanka wa me? Ke mang yo o thibetseng ditsebe jaaka morongwi wa me yo ke mo romang? Go foufetse mang jaaka tsala e e ikanyegang? Ke mang yo o sesusu jaaka motlhanka wa Morena? O bonye dilo tse dintsi, mme ga o a di ela tlhoko; o ne o sa thibala ditsebe, mme wa se ka wa utlwa.” Go ne go kgatlha Morena ka ntlha ya tshiamo ya gagwe go godisa thuto le go e galaletsa. Mme jaanong ke morafe o o thukhuthilweng, o o thopilweng. Ba tshwerwe botlhe mo digopong, ba fitlhwa mo matlong a kgolegelo; ba thukhuthwa go se na yo o pholosang; ba thopiwa go se na yo o reng: “Tsere!” Ke mang mo go lona yo o tla sekegelang dilo tseo tsebe, a tlhokomela, a tlhalefela sebaka se se tlang? Ke mang yo o neetseng Jakobe go thopiwa, a neela Iseraele mo dinokwaneng? A ga se Morena yo re mo leofetseng; yo ba neng ba sa rate go sepela mo ditseleng tsa gagwe, yo ba ganneng go utlwa molao wa gagwe? Ke ka moo o ba goromeleditseng bogale jwa gagwe jo bo tukang le bokete jwa ntwa, a bo tukisa mo tikologong ya bone, mme ba sa lemoge sepe; jwa ba fisa, mme dipelo tsa bona di sa tlhokomele sepe. Mme jaanong Morena yo o go tlhodileng, Jakobe, yo o go bopileng, Iseraele, o bua jaana a re: “Se boife, gonne ke go golotse, ke go biditse ka leina la gago! O wa me. Fa o tshela metsi, ke na nao; le dinoka, ga di na go go tsaya. Fa o ralala molelo, ga o nke o šwa; kgabo ga e nke e go fisa. Gonne nna Morena ke Modimo wa gago; nna Moitshepi wa Iseraele ke mopholosi wa gago. Ke dirile Egepeto serekololo sa gago, ka ntsha Ethiopia le Seba boemong jwa gago. E re ka o kaega segolo mo matlhong a me, o le yo o tlotlegang, yo ke go ratang, ka moo ke tla ntsha batho boemong jwa gago le merafe boemong jwa bophelo jwa gago. Se boife, gonne ke na nao. “Ke tla tlisa losika lwa gago go tswa kwa botlhabatsatsi; ke go phutha go tswa kwa bophirimatsatsi. Ke tla raya bokone ke re: ‘Rebola!’ le borwa ke re: ‘Se thibele!’ Tlisa bomorwaake go tswa kgakala le bomorwadiake go tswa bokhutlong jwa lefatshe, e bong mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me, yo ke mo tlholetseng go nkgalaletsa; ka mmopa, ee, ka mo dira. “Ntshang morafe o o foufetseng, le fa matlho a le teng; le ba ba disusu, le fa ba na le ditsebe. A ditšhaba tsotlhe di phuthege mmogo, a merafe e kgobokane! Ke mang mo go bone yo o ka re begelang tseo? A ba re utlwise dilo tsa kgale! A ba ntshe basupi ba bone gore ba fitlhelwe ba le mo nneteng. A bone ba utlwe, ba bue ba re: ‘Ke nnete.’ ” Morena o bua a re: “Lona lo basupi ba me, le motlhanka wa me, yo ke mo itlhaoletseng, gore lo itse, lo ntumele, lo lemoge, fa e le nna. Ga go a bopiwa modimo ope pele ga me; le gona ga go nke go nna ope morago ga me. “Ke nna, ke nna Morena! Ga go na mopholosi ope kwa ntle ga me. Ke nna yo ke begileng, ka pholosa, ka utlwatsa, go se na modimo o sele mo go lona.” Morena o buile a re: “Lona lo basupi ba me, mme nna ke Modimo go tswa bosenatshimologo. Le go tswa fano e tla bo e le nna, go se na ope yo o ka pholosang mo seatleng sa me. Ke tla dira tiro – e ka thibelwa ke mang?” Morena, Mogolodi wa lona, Moitshepi wa Iseraele, o bua jaana a re: “Ke rometse kwa Babele ka ntlha ya lona, mme ke tla folosetsa batshabi botlhe, e leng Bakalatea, kwa mekorong e ba neng ba duduetsa mo go yona. Ke nna Morena, Moitshepi wa lona, yo o tlhodileng Iseraele, ke Kgosi ya lona.” Go bua jaana Morena yo o neng a ntsha tsela mo lewatleng le mmila mo metsing a magolo; yo o neng a bolotsa dikoloi tsa ntwa le dipitse le lesomo la batlhabani le diganka – ba namaletse fa fatshe botlhe, ga ba nke ba tlhola ba tsoga; ba fedile, ba timile jaaka mogala wa lobone – a re: “Se gakologelweng ditirafalo tsa bogologolo! Se tlhokomeleng tse di neng di dirafala kgale! Bonang, ke tla dira tse dintšhwa. Di setse di simologile. A ga lo di lemoge? Ee, ke tla dira tsela mo sekakeng le dinoka mo nageng e e omeletseng. Diphedi tsa naga di tla ntlotla le diphokojwe le bontšhwe; gonne ke tla ntsha metsi mo sekakeng le dinoka mo nageng e e omeletseng go nosa morafe wa me o ke o itlhaoletseng; e leng morafe o ke o ipopetseng gore ba bolele pako ya me.” “Kana wena, Jakobe, ga o a ka wa mpitsa! Kana wena, Iseraele, ga o a ka wa itapisa ka ntlha ya me! Ga o a ntlisetsa dinku tsa ditlhabelo tsa gago tse di fisiwang; ga o a ntlotla ka ditlhabelo tse di jewang tsa gago. Ga ke a go imetsa ka go batla ditshupelo tsa dijo; ga ke a go lapisa ka go batla tshupelo ya musi. Ga o a nthekela letlhaka le le nkgang monate ka madi; ga o a nkgorisa ka mafura a ditlhabelo tsa gago! Nnyaya! O ntshwarisitse makete fela ka maleo a gago, wa ntapisa ka melato ya gago. Ke nna, ke nna yo ke phimolang dibe tsa gago; ke ka ntlha ya me, fa ke sa tsotelele maleo a gago. Nkgakolola, a re sekisanye; bolela o itshupe, fa o le mosiami. Rraago wa ntlha o leofile; baemedi ba gago ba ikepile mo go nna. Ke ka moo ke itshepolotseng dikgosana tse di boitshepo, ka neela Jakobe mo khutsong ya go latlhega, le Iseraele mo dikgobong. “Mme jaanong utlwa, Jakobe, motlhanka wa me, le wena Iseraele yo ke mo itlhaoletseng. Morena yo o go dirileng, a go bopa o sa le mo mmeleng wa ga mmaago; Morena yo o go thusang o bua jaana a re: Se boife, Jakobe, motlhanka wa me, le wena Ješurune yo ke mo itlhaoletseng. “Gonne ke tla tshela metsi mo nageng e e nyorilweng, ke eledisa dinokana mo nageng e e omeletseng. Ke tla tshela Mowa wa me mo baneng ba gago le lesego la me mo losikeng lwa gago. Mme ba tla tlhoga jaaka bojang le jaaka menwametsi e e fa dinokaneng. “Mongwe o tla re: ‘Ke wa Morena’; yo mongwe o tla ipitsa ka leina la Jakobe; yo mongwe gape o tla kwala mo letsogong la gagwe a re: ‘Ke wa Morena,’ a ba a ikokeletsa leina la Iseraele.” Morena, Kgosi ya Iseraele, Mogolodi wa gagwe, Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Ke nna wa ntlha, le gona ke nna wa bofelo. Ga go na modimo ope kwa ntle ga me. Ke mang yo o ka bolelelang ditirafalo pele jaaka nna, fa e sa le ke nnisa morafe wa bogologolo mo lefatsheng? A a di itsise, a di bee fa pele ga me ka thulaganyo! Le gona a ba itsise tse di kwa pele le tse di tla dirafalang. Se reregeng, lo se boife! A ga se go tswa bogologolo ke ntse ke lo utlwisa le go lo itsise tse di tla dirafalang? Lo basupi ba me. A go na le Modimo kwa ntle ga me? Nnyaya, ga go na lefika le sele. Ga ke itse lepe.” Botlhe ba ba bopang medimo e sele ke ba boithamako fela; diratiwa tsa bone ga di thuse sepe. Basupi ba tsona ga ba bone sepe, ga ba itse sepe, mme ba tla tlhajwa ke ditlhong. Kana ke mang yo o a tleng a betle modimo o sele le go bopa setshwantsho sa modimo o o sa thuseng sepe? Bonang, botlhe ba ba o ineelang ba tla tlhajwa ke ditlhong. Babopi ba ona ke batho fela. A ba kgobokane botlhe ba eme! Ba tla tshoga, ba tlhajwa ke ditlhong ba botlhe. Mothudi o dira modimo ka tshipi le magala, a o batole ka dinoto, a o dire ka letsogo le le thata la gagwe. Le gona o bolawa ke tlala, a fele thata; ga a nwe metsi, a ba a lape. Mmetli wa dikgong o gagamatsa thapo, a thala setshwantsho sa ona ka sethadi, a o seta ka phalo, a o tshwaya ka selekanyi, a dira setshwantsho sa monna, sa motho yo montle gore se nne mo ntlong. O ithemela mesetere, a tlhophe motswere gongwe setlhare se sengwe, a se ikgodisetse mo ditlhareng tsa sekgwa. O tlhoma ditlhare tsa paina, mme pula e di godise, di thuse motho, a gotse molelo ka tsona. O tsaya tse dingwe, a ore molelo ka tsona. Le gona o a di tshuma gore a apee bogobe. Ee, le gona o dira modimo ka tsona gore a o obamele. O dira modimo wa seseto ka tsona gore a khubame fa pele ga ona. Ntlhanngwe ya tsona o e fisa ka molelo, a bese nama mo magaleng a ona, a je nama, a kgore; le gona o a ikomosa a re: “Ahee! Ke orile, ke utlwile bolelo.” Mme kota e e setseng a dire modimo ka yona, modimo wa seseto wa gagwe; a khubame fa pele ga ona, a o obamele, a o rapele a re: “Mpholose, gonne o modimo wa me!” Ga ba itse sepe, ga ba lemoge sepe; gonne matlho a bona a thibilwe gore ba se ka ba bona; dipelo tsa bone di thatafaditswe gore ba se ka ba tlhalefa. Ga ba akanye ka pelo; ga go na kitso, le fa e le tlhaloganyo, gore ba ipotse ba re: “Ntlhanngwe ya tsona ke di fisitse ka molelo; le gona ke apeile bogobe, ka besa nama mo magaleng a ona, ka ja. Jaanong a nka dira ntlhanngwe ya tsona maila, ka khubama fa pele ga kota ya setlhare?” Yo o ineelang molora o timeditswe ke pelo e e tsietsegileng; ga a nke a pholosa mowa wa gagwe; ga a botse gore: “A ga go na maaka mo seatleng sa me se se jang?” “Gakologelwa dilo tse, wena Jakobe, le wena Iseraele, gonne o motlhanka wa me. Ke go bopile. O motlhanka wa me. Iseraele, ga ke go lebale! Ke phimotse maleo a gago jaaka maru le dibe tsa gago jaaka mouwane. Boela kwa go nna, gonne ke go golotse!” Duduetsang, lona magodimo, gonne Morena o dirile jalo; tlhabang mokgosi, lona madiba a lefatshe! A go ipele dithaba le sekgwa le ditlhare tsotlhe tse di mo go sona! Gonne Morena o rekolotse Jakobe; o tla ikgalaletsa mo go Iseraele. Morena, Mogolodi wa gago, yo o go bopileng go tswa mo mmeleng wa ga mmaago, o bua jaana a re: “Ke nna Morena yo o dirileng dilo tsotlhe. Ka phutholola legodimo ke le nosi. Ka ala lefatshe – yo o neng a na le nna ke mang? Ke nna yo ke nyeletsang ditshupo tsa baporofeti ba tsietso, ke dira baitseanape ditlaela; ke nna ke busetsang matlhale kwa morago, ke fetola kitso ya ona bosilo fela. Ke nna yo ke dirafatsang lefoko la motlhanka wa me, ke fetsa maikaelelo a a begilweng ke barongwi ba me, ke raya Jerusalema ke re: ‘Agiwa!’ le metse ya Juta, ke re: ‘Agiwang!’ Ke nna ke tsosang marope a teng. Ke nna yo ke rayang boteng jwa Ferathe ke re: ‘Kgala! Ke tla kgadisa dinoka tsa gago.’ Ke nna ke buang ka ga Korese ke re: ‘Ke modisa wa me. O tla fetsa tsotlhe tse di nkgatlhang,’ a raya Jerusalema a re: ‘Agiwa!’ A raya Tempele a re: ‘Thaiwa!’ ” Morena o raya Korese, motlodiwa wa gagwe, a re: “Wena yo ke go tshwereng letsogong le le jang gore ke dige ditšhaba fa pele ga gago, ke tlhamolole matheka a dikgosi, ke go bulele mejako gore dikgoro e se ka ya nna tse di tswetsweng: Ke tla go etelela pele ka nosi, ke lekalekanya mebotwana, ke thuba ditswalo tsa kgotlho, ke thubaganya diphemelo tsa tshipi. Ke tla go naya dikhumo tse di mo sephiring le mahumo a a fitlhegileng gore o tle o itse gore, ke nna Morena yo o go biditseng ka leina la gago, Modimo wa Iseraele. Ke go biditse ka leina la gago ka ntlha ya ga Jakobe, motlhanka wa me, le ka ntlha ya ga Iseraele, yo ke mo itlhaoletseng ka go okeletsa maina a tlotlo, le fa o sa nkitse. “Ke nna Morena, ga go na ope o sele; le gona ga go na Modimo ope kwa ntle ga me. Ke go tlamile, le fa o sa nkitse, gore ba itse go tswa kwa botlhabatsatsi go fitlha kwa bophirimatsatsi, fa go se ope kwa ntle ga me. Ke nna Morena, go se na ope o sele. Ke nna yo ke bopang lesedi, le gona ke tlhola lefifi; ke dira pholoso, le gona ke tlhola tatlhego. Ke nna Morena yo o dirang dilo tsotlhe tse. Lona magodimo, rothang go tswa kwa godimo! A maru a nese lesego! A lefatshe le kolobe gore go tlhoge pholoso. Le gona lefatshe le godise tshiamo. Ke nna Morena yo ke tlhodileng tseo.” A tatlhego ya gagwe wee yo o lwang le Mmopi wa gagwe, etswe e le lobeana fela mo gare ga mabeana a letsopa. A letsopa le ka raya mmopi wa lone la re: “Ò dira eng?” A tiro ya gago e ka re: “Ga o na diatla?” A tatlhego wee ya yo o rayang rra-bana a re: “O tsaletseng?” A ba a raya mosadi a re: “O belegetseng?” Morena, Moitshepi wa Iseraele, Mmopi wa gagwe, o bua jaana a re: “Mpotseng tse di tla dirafalang; lo nte ke laole bomorwaake le tiro ya diatla tsa me. Ke nna yo ke dirileng lefatshe, ka tlhola batho mo go lone; ke nna yo ke phutholotseng legodimo ka diatla tsa me, ka laola lesomo lotlhe la lone. Ke nna yo ke tsositseng Korese ka tshegofatso; ke tla baakanya ditsela tsotlhe tsa gagwe. Ene o tla aga motse wa me, a golola batshwarwi ba me kwa ntle ga serekololo le kwa ntle ga dimpho.” Morena wa masomosomo o buile jalo. Morena o bua jaana a re: “Khumo ya Egepeto le kgwebo ya Ethiopia le Baseba ba e leng banna ba baleele di tla tlisiwa kwa go wena gore e nne tsa gago; ba tla go latela, ba fetela pele ba ntse ba golegilwe ka dikeetane, ba obamela ba lebile kwa go wena ba re: ‘Ka nnete, Modimo o na nao; ga go na ope o sele, ga go modimo o mongwe. Ruri, wena o Modimo o o fitlhegileng; wena Modimo wa Iseraele, o Mopholosi. Ba ba bopang modimo ya diseto ba tlhabilwe ke ditlhong, le gona ba nyatsega botlhe mmogo, ba tsamaya ba le mo tshilofalong.’ ” Iseraele o pholosiwa ke Morena. Ke pholoso e e sa khutleng. Ga lo nke lo tlhajwa ke ditlhong, le e seng go kgobiwa ka gale le ka bosakhutleng. Gonne Morena, Motlhodi wa legodimo, yo e leng Modimo o le osi fela, yo o bopileng lefatshe, a le dira, a le thaya – ga a le bopela gore le nne senya, mme o le bopetse gore batho ba nne mo go lone – o bua jaana a re: “Ke nna Morena, ga go na ope o sele. Ga ke a ka ka bua mo sephiring, mo felong ga lefatshe fa go lefifi; ga ke a raya losika lwa ga Jakobe ka re: ‘Mpatleleng lefela!’ Ke nna Morena yo o buang tsa nnete, yo o itsiseng tse di siameng.” “Phuthegang, tlayang, lo atamele kwano lotlhe, ba lo falotseng ba ditšhaba! Ba ba rweleng kota e e leng modimo wa bone, ba ba rapelang modimo o o sa thuseng sepe, ga ba itse sepe. Itsiseng, o tlise medimo kwano! Ee, a e gakololane mmogo! Ke mang yo o sa bolong go utlwisa tseo, a di itsise kgale? A ga se nna Morena, mme go se na modimo ope kwa ntle ga me? Modimo wa boammaaruri o o pholosang ga o teng kwa ntle ga me. “Sokologelang kwa go nna gore lo tle lo pholosiwe, lona dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe. Gonne ke nna Modimo, ga go na ope o sele. Ke ikanne ka nna; boammaaruri bo dule mo molomong wa me, e leng lefoko le le sa dirololweng le le reng: ‘Mangole otlhe a tla nkhubamela, diteme tsotlhe di tla ineela mo go nna ka maikano.’ Go tla twe: ‘Ke na le pholoso e e tletseng le thata mo Moreneng fela.’ Ba tla tla kwa go ene; mme botlhe ba ba mo gakaletseng ba tla tlhajwa ke ditlhong. Losika lotlhe lwa Iseraele lo tla siamisiwa mo Moreneng, lo ipoka ka ene. “Bele o kokobetse, Nebo o sokame! Ditshwantsho tsa medimo ya bone di belesitswe diesele le dikgomo, tse lo neng lo di rwala. Jaanong ke morwalo wa diphedi tse di lapileng. Di feletswe ke thata, di wela mmogo fa fatshe, ga di kgone go pholosa morwalo wa medimo. Yona ka yosi e ya mo botshwarong. “Nkutlweng, lona ba lapa la ga Jakobe le lona masalela otlhe a Baiseraele: Ke lona lo belegweng ke nna go tswa sebopelong; ke lona lo beputsweng ke nna. Mme ke ntse ke le ene go fitlha tsofalong. Ke nna yo ke tla belegang lona go tsamaya lo nna tlhogo di pududu. Ke nna yo ke dirileng jalo; ke nna yo ke tla rwalang, ke nna yo ke belegang, ke nna yo ke pholosang. “Lo tla ntshwantshanya le mang, lo ntekanya le mang, lo mpapisa le mang, gore re tshwane? Ba ba ntshang gouta mo letloleng le go lekanya selefera ka selekanyetso, ba rapa mothudi wa gouta gore a dire modimo ka tsona; ba feta ba khubama, ee, ba o obamela. Ba o sikara mo magetleng, ba o rwala, ba o emisa mo mannong a ona. Jaanong o eme, ga o sute mo felong ga ona. Le fa mongwe a goela kwa go ona, ga o arabe; ga o mo pholose mo tlalelong ya gagwe. “Gakologelwang tseo, lo eme senna, lona baikepi, lo di tlhokomele! Gakologelwang dilo tsa pele, tsa bogologolo. Kana ke nna Modimo, ga go na ope o sele; ke nna Modimo, ga go na ope yo o tshwanang le nna. Ke nna yo ke itsisitseng bokhutlo e sa le mo tshimologong, le tse di iseng di dirafale mo metlheng ya kgale. Ke nna yo ke rileng: ‘Maikaelelo a me a tla dirafala; tsotlhe tse di nkgatlhang ke tla di dira. Ke nna yo ke biditseng ntsu kwa botlhabatsatsi, e bong monna yo o tla dirafatsang maikaelelo a me, a tswa kwa lefatsheng le le kgakala. Ke di begile, le gona ke tla di tlisa; ke di etleeditse, le gona ke tla di fetsa. “ ‘Nkutlweleleng, lona ba lo pelo di thatafaditsweng, ba lo leng kgakala le tshiamo! Ke atameditse tshiamiso ya me, ga e kgakala. Pholoso ya me ga e diege. Ke aba pholoso mo Sione, ke naya Iseraele kgalalelo ya me.’ “Fologa o nne mo leroleng, wena lekgarebe, morwadia Babele; nna fa fatshe o se na bogosi, morwadia Bakalatea. Gonne ga o kitla o tlhola o bidiwa morategi le wa tlekeetso. Tsaya tshilo, o sile bupe; apola lesire la gago, tsholetsa diaparo, ikapole dirope, o tshele dinoka! A bosaikatega jwa gago bo senolwe, a ditlhong tsa gago di bonale! Ke tla busolosa, ke sa rekegele motho.” Leina la Mogolodi wa rona ke Morena wa masomosomo, Moitshepi wa Iseraele. “Nna fatshe o didimale, o tsene mo lefifing, morwadia Bakalatea. Gonne ga o kitla o tlhola o bidiwa ‘Mohumagadi wa magosi’. E rile ke galefela morafe wa me, ke itshepolola boswa jwa me, ka o neela mo seatleng sa gago. Ga o ba direle ka kutlwelo-botlhoko. O imetsa batsofe thata ka joko ya gago. O a re: ‘Ke tla nna jalo ka bosakhutleng, ke le mohumagadi ka gale.’ Dilo tseo ga o a di akanya mo pelong, ga o a gopola bokhutlo jwa tsona. “Jaanong utlwa tseo, wena yo o lemetseng, yo o dutseng o iketlile, o ithaya mo pelong o re: ‘Ke nna, ga go na ope o sele. Ga nkitla ke phela ke le motlholagadi. Go tlhoka bana ga nkitla ke go itse.’ Mme botlholagadi le go tlhoka bana, tseo di tla go dirafalela ka bobedi jwa tsona ka tshoganyetso ka letsatsi le le lengwe, di go wela ka botlalo; le fa mereo ya gago e le mentsi, le dipheko tsa gago di na le thata e kgolo; le fa o ne wa ikanya bolotsana jwa gago wa re: ‘Ga go na yo o mponang.’ “Botlhale jwa gago le kitso ya gago tsona di go timeditse, wa ithaya mo pelong wa re: ‘Ke nna, ga go na ope o sele.’ Mme kotsi e tla go dirafalela, o sa itse go e thibela ka mereo; tatlhego e tla go wela, o sa kgone go iphemela ka ditlhabelo; tshenyego e tla go wela ka tshoganyetso, o sa itse. A ko o ikemise ka dipheko tsa gago le ka bontsi jwa mereo ya gago, tse o itapisitseng ka tsona go tswa bonyaneng jwa gago! Ka gongwe o tla itse go thusa; ka gongwe o ka tshosa bangwe. O itapisitse ka maano a mantsi a gago. A ba ba lomologanyang legodimo, le balepi ba dinaledi ba ba itsiseng ka ngwedi mongwe le mongwe o o rogwang tse di tla go dirafalelang, ba ikemise, ba go thuse! “Bonang, ba tshwana le dirite. Molelo o a ba fisa. Ga ba nke ba pholosa maphelo a bone mo kgabong. Kana ga se magala a go ikomosa, ga se molelo o o orwang! Ba o itapisitseng ka bone, wa rekisanya nabo go tswa bonyaneng jwa gago, o na le go ba tlhoboga le bone. Mongwe le mongwe o tla itsamaela, a go tlogela, go se na yo o go pholosang.” Utlwang mafoko a, lona ba ntlo ya ga Jakobe, ba lo bidiwang ka leina la Iseraele; ba lo ikanang ka leina la Morena, lo tumisa Modimo wa Iseraele, mme e seng ka boammaaruri, le e seng ka tshiamo. Kana ba ipitsa ka motse o o boitshepo, ba ikaega ka Modimo wa Iseraele. Leina la ona ke Morena wa masomosomo. “Tse di dirafetseng pele ke ne ke sa bolo go di itsise. Di dule mo molomong wa me, ka di utlwatsa; ka ba ka di dira ka tshoganyetso, tsa dirafala. E re ka ke ne ke itse, fa o le peloethata, le thamo ya gago e le mosifa wa tshipi, le phatla ya gago e le kgotlho, ke ka moo ke sa bolong go di go itsise, ka di go utlwisa di ise di tle, e se re gongwe o a re: ‘Modimo wa seseto wa me o di dirile; modimo wa me wa logong gongwe wa tshipi o di laotse.’ “O di utlwile – di bone tsotlhe ke tseo! Mme lona a ga lo rate go di utlwatsa? Go tloga jaanong ke tla go bolelela tse dintšhwa, tse di fitlhegileng, tse o sa di itseng. Ke gona di tlholwang, e seng mo metlheng ya pele. Pele ga letsatsi leno o ne o ise o di utlwe, e se re gongwe o a re: ‘Bonang, ke ne ke itse.’ Kana o ne o sa utlwa, le gona o sa itse. Le gona ditsebe tsa gago di ne di ise di bulege. Gonne ke ne ke itse, fa o sa ikanyege ka gope; fa o bidiwa ‘Moikepi go tswa popelong.’ “Ke dia bogale jwa me ka ntlha ya leina la me, ke go ithibela bogale ka ntlha ya pako ya me gore ke se ka ka go nyeletsa. Bona, ke go itshekisitse, mme e seng jaaka selefera; ka go leka mo leisong la tlalelo. Ke dira jalo ka ntlha ya me, ee, ka ntlha ya me. Gonne leina la me le itshepololwa jang! Ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me.” “Nkutlwe, Jakobe, le Iseraele, yo ke go biditseng. Ke nna. Ke nna wa ntlha. E bile ke nna wa bofelo. Kana seatla sa me se theile lefatshe, letsogo le le jang la me la phutholola legodimo. Ya re ke di bitsa, tsa tlholega tsotlhe. “Phuthegang lotlhe, lo utlwe! Ke mang mo go bone yo o tlhabileng mokgosi o o ntseng jalo? Ene yo Morena a mo ratang o tla direla Babele tse di mo kgatlhang; letsogo la gagwe le tla direla Bakalatea jalo. Ke nna, ke nna yo ke buileng jalo. Le gona ke mmiditse, ka mo tlisa, mme o tla fetsa tiro ya gagwe ka tlhogonolo. “Nkatameleng, lo utlwe mafoko a! Go tswa mo tshimologong ga ke a ka ka bua mo sephiring. Go tloga sebakeng se di dirafalang ka sona, ke teng.” – Mme jaanong Morena Modimo o nthomile ka Mowa wa gagwe. Morena, Mogolodi wa gago, Moitshepi wa Iseraele, o bua jaana a re: “Ke nna Morena, Modimo wa gago, yo o go rutang tse di thusang, a go tsamaisa mo tseleng e o tla tsamayang ka yona. “Ao! Fa o ka bo o ne wa reetsa ditaolo tsa me, foo kagiso ya gago e ka bo e tshwana le noka, le tshiamelo ya gago le makhubu a lewatle. Foo losika lwa gago lo ka bo lo le jaaka motlhaba, le ditlogolo tse di tswang mo mmeleng wa gago jaaka matlapana a ona; foo leina la lone le ka bo le sa nyelediwe le e seng go phimolwa fa pele ga me.” Tswayang mo Babele, tshabang mo Kalatea! Tlhabang mokgosi wa tuduetso, lo utlwatse, lo ise kitsiso kwa bokhutlong jwa lefatshe lo re: “Morena o golotse Jakobe, motlhanka wa gagwe.” Ba ne ba sa nyorwe mo sekakeng se o ba tsamaisitseng mo go sona. O ne a ba ntshetsa metsi mo lefikeng; a phatlola lentswe, la ba la ela metsi. “Baikepi ga ba na kagiso!” Morena o buile jalo. Nkutlweng, lona ditlhakatlhake, reetsang, lona merafe kwa kgakala! Morena o mpiditse go tloga botsalong, a bolela leina la me, mmê a ise a mpelege. A dira molomo wa me jaaka tšhaka e e bogale, a mphitlha mo moriting wa seatla sa gagwe; a ntira motsu o o tlhokotsegileng, a mphitlha mo mokotlopong wa gagwe. A nthaya a re: “O motlhanka wa me, Iseraele, yo ke ikgalaletsang ka wena.” Mme nna ka re: “Ke itapiseditse lefela, ka fedisetsa thata ya me boithamako fela. Mme ruri tshiamelo ya me e mo Moreneng, tuelo ya me e mo Modimong wa me.” Mme jaanong go bua Morena yo o ntirileng motlhanka wa gagwe go tloga botsalong gore ke busetse Jakobe kwa go ene, mme Iseraele a phuthegele kwa go ene – Ee, ke a tlotlega mo matlhong a Morena, mme Modimo wa me e ne ya nna thata ya me – a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.” Morena, Mogolodi wa Iseraele, Moitshepi wa gagwe, o bua jaana le yo o nyatsegang thata, yo e leng maila mo setšhabeng, yo e leng motlhanka wa barena ba ba setlhogo, a re: “Dikgosi le dikgosana di tla bona, di nanoga, di obamela ka ntlha ya Morena yo o ikanyegang le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele yo o go itlhaoletseng.” Morena o bua jaana a re: “Ke go utlwile mo sebakeng sa bopelotlhomogi ka go thusa ka letsatsi la pholoso; ka go boloka, ka go dira kgolagano ya morafe le Modimo, go tsosa lefatshe le go aba boswa jo bo senyegileng, le go raya bagolegwi: ‘Tswayang!’ le go raya ba ba mo lefifing: ‘Tswelang mo leseding!’ Ba tla fudisa fa thoko ga ditsela tsotlhe. Mafulo a bone a mo mebotong yotlhe e e iphotlhereng. Ga ba kitla ba tshwarwa ke tlala le e seng go bolawa ke lenyora. Ga ba nke ba tlhajwa ke letsatsi, le fa e le bolelo jwa sekaka. Gonne yo o ba utlwelang botlhoko o tla ba etelela pele, a ba isa kwa metsweding ya metsi. Dithaba tsotlhe tsa me ke tla di dira tsela. Ditsela tse dikgolo tsa me di tla bo di katilwe ka mmu. Bonang, bao ba tswa kwa kgakala; bonang, bale ba tswa kwa bokone le kwa bophirimatsatsi, mme bano mo lefatsheng la Basini.” Ipeleng, lona magodimo! Itumele, wena lefatshe! Tlhabang mokgosi wa tuduetso, lona dithaba, gonne Morena o gomoditse morafe wa gagwe, a tlhomogela babogisegi ba gagwe pelo. Mme Sione a re: “Morena o ntlogetse. Morena o ntebetse.” “A mosadi a ka lebala lesea la gagwe, a sa utlwele morwa mmele wa gagwe botlhoko? Le fa ene a ka mo lebala, nna ga nkitla ke go lebala. Bona, ke tshwaile leina la gago mo diatleng tsa me; dipota tsa gago di fa pele ga me ka gale. “Ba ba go agang ba a itlhaganela; ba ba go rutlileng ba go senya, ba a go tlogela. Tsholetsa matlho o lebe mo ntlheng tsotlhe: Ba phuthegile botlhe, ba tla kwa go wena.” Morena a re: “Ka bophelo jwa me! Ò tla ba apara botlhe jaaka mokgabo; ò itlama ka bone jaaka monyalwa. “Gonne marope a gago le metse ya gago e e senya le lefatshe la gago le le sentsweng – ee, jaanong le tla bo le sa lekane baagi. Mme ba ba go senyeditseng ba ile kwa kgakala. Ee, bana ba gago ba o neng o ba thukhuthilwe ba tla bua gape mo ditsebeng tsa gago ba re: ‘Manno a me a pitlaganye. A nkokeletse gore ke bone bonno.’ O tla akanya mo pelong o re: ‘Ke mang yo o ntsaletseng bana ba? Kana ke ne ke se na bana, ke le moopa; ke le mo botshwarong, ka lelekiwa. Ke mang yo o ba godisitseng? Bonang, ke ne ke setse ke le nosi fela. Ba ne ba le kae bone ba?’ ” Morena Modimo o bua jaana a re: “Bonang, ke tla gwetlha ditšhaba ka letsogo, ke tlhomela merafe sefoka sa me kwa godimo. Foo ba tla tlisa bomorwao ba ba tshotse ka mabogo; bomorwadio ba tla sikarwa ka magetla. Mme dikgosi e tla nna batlamedi ba gago; bahumagadi ba tsona e tla nna baamusi ba gago. Ba tla go obamela ba inametse ka difatlhego fa fatshe, ba latswa lerole la dinao tsa gago. Foo o tla itse gore ke nna Morena! Le gore ba ba ntebelelang ga ba tlhajwe ke ditlhong.” A senatla se ka amogiwa thopo? Gongwe a batshwarwi ba morena yo o peloethata ba ka falola? Ee, Morena o bua jaana a re: “Senatla le sona se tla amogiwa batshwarwi; thopo ya morena yo o peloethata le yona e tla falola. Ke nna yo ke tla lwang le yo o lwang nao; ke nna yo ke pholosang bana ba gago. Ba ba go gatelelang ke tla ba jesa nama ya mebele ya bone; ba tla tagwa ke madi a bone jaaka ke weine a ntšhwa. Mme batho botlhe ba tla itse gore ke nna Morena, Mopholosi wa gago; le gore Mogolodi wa gago ke Senatla sa ga Jakobe.” Morena o bua jaana a re: “Lokwalo lwa tlhalo la ga mmaeno lo kae, lwa ke mo tlhadileng ka lone? Gongwe ke molato le mang, yo ke lo rekisitseng mo go ene? Bonang, lo rekisitswe ka ntlha ya melato ya lona. Mmaalona o tlhadilwe ka ntlha ya maleo a lona. “Ke ka ntlhaang, fa ke tlile, ke sa fitlhele ope; ka bitsa, mme go se na yo o arabang? A ruri letsogo la me le khutshwafetse, mo le sa itseng go rekolola? Gongwe a ke tlhoka thata ya go ka pholosa? Bonang, ke kgadisa lewatle ka kgalemelo ya me, ke fetola dinoka sekaka; ditlhapi tsa tsona di be di nkge, ka di se na metsi, di swe ka lenyora. Ke apesa legodimo bontsho; ke le bipe ka diaparo tsa bohutsana.” Morena Modimo o mphile loleme lwa yo o rutegileng gore ke itse go lapolosa yo o lapileng ka mafoko; o ntsosa mo mosong mongwe le mongwe, o nthibolola tsebe gore ke utlwe jaaka barutwa. Morena Modimo o nthibolotse tsebe, mme nna ga ke a ganetsa; ga ke a sutela kwa morago. Ke neetse ba ba ntitayang motlhana wa me, le ba ba ntlhobang ditedu, marama a me; ga ke a ipipa sefatlhego, fa ba nkgoba, ba nkgwela mathe. Morena Modimo o ntse a nthusa; ke ka moo ke sa tlhajweng ke ditlhong; ke ka moo ke dirileng sefatlhego sa me jaaka legakwa, ka itse gore kgala ga e na go nkama. Yo o ntshiamisetsang o gaufi! Ke mang yo o ratang go seka le nna? A re emeng mmogo! Ke mang yo o ganetsanyang le nna? A a nkatamele! Bonang, Morena Modimo o a nthusa. Ke mang yo o ka mponang molato? Bonang, ba tla onala botlhe jaaka seaparo; motoutwana o tla ba ja. Ke mang mo go lona yo o boifang Morena, yo o utlwang lentswe la motlhanka wa gagwe, yo o sepelang mo mafifing a sa bone lerang la lesedi? A a ikanye leina la Morena, a ikaege ka Modimo wa gagwe. Bonang, lona lotlhe ba lo gotsang molelo, lo itlama ka metsu e e tukang, tsamayang mo kgabong ya molelo wa lona le ya metsu e e tukang e lo e tshumileng. Ke sona se se lo dirafalelang, se tswa mo seatleng sa me. Lo na le go lala fa fatshe mo felong ga tlhokofatso. “Nkutlweng ba lo latelelang tshiamo, ba lo batlang Morena. Lebang lefika le lo gabilweng mo go lone, le moepo wa sediba o lo epolotsweng mo go ona. Lebang Aborahame rraeno le Sara yo o lo belegeng! Gonne ke mmiditse a ntse a le esi fela; ka mo tshegofatsa, ka mo atisa. “Gonne Morena o gomotsa Sione, o gomotsa marope otlhe a gagwe. O tla fetola sekaka sa gagwe tshimo ya Etene le naga ya gagwe tshimo ya Morena. Lethabo le boitumelo di tla fitlhelwa teng, le difela tsa pako le melodi ya dikopelo. “Ntheetseng, morafe wa me, ntshekegeleng ditsebe, batho ba me! Gonne thuto e tla tswa mo go nna; boammaaruri jwa me ke tla bo tlhoma go nna lesedi la merafe. Tshiamo ya me e gaufi, pholoso ya me e bolotse. Mabogo a me a tla betsa merafe. Ditlhakatlhake di tla ntebelela, di solofela letsogo la me. Tsholetsang matlho lo lelale kwa legodimong, lo be lo lebe lefatshe kwano tlase. Gonne legodimo le tla phatlalala jaaka musi; lefatshe le onala jaaka seaparo. Baagi ba lone ba tla swa jaaka menang. Mme pholoso ya me e tla nna teng ka bosakhutleng. Tshiamo ya me ga e kitla e senyega. “Nkutlweleleng ba lo itseng tshiamo, lona batho ba molao wa me o leng teng mo dipelong tsa lona. Se boifeng kgobo ya batho! Se tshogeng dikgalo tsa bone. Gonne motoutwana o tla ba ja jaaka seaparo, tshwele e ba ja jaaka boboa. Mme tshiamo ya me e tla nna teng ka bosakhutleng, le pholoso ya me mo ditshikeng tsotlhe.” Thanya, thanya, o apare thata, wena letsogo la Morena! Thanya jaaka mo malatsing a kgale le mo ditshikeng tsa bogologolo! A ga se wena o remagantseng kgogela, wa phololetsa kgwanyape? A ga se wena yo o kgadisitseng lewatle le metsi a bodiba jo bogolo, wa fetola mateng a lewatle tsela gore ba ba golotsweng ba tshele? Ba ba rekolotsweng ba Morena ba tla boa, ba fitlha mo Sione ka tuduetso. Boitumelo jo bo sa khutleng bo tla okama ditlhogo tsa bone. Ba tla nna mo boitumelong le mo lethabong. Bohutsana le diphegelo di tla tshabela kgakala. “Ke nna, ke nna yo ke lo gomotsang. O tla bo o le mang, fa o boifa motho yo o tla swang, le morwa motho yo o tla dirwang jaaka bojang? O tla bo o le mang, fa o lebala Morena yo o go dirileng, yo o phuthololang legodimo, a thaya lefatshe; fa o tlhola o boifa kgalefo ya mogateledi letsatsi lotlhe, motlhang a iketleeleditseng go senya? Mme jaanong e kae, kgalefo ya mogateledi? Yo o kudupantsweng ka dikgole o tla akofa a funololwa. Ga a nke a swela mo moleteng, le e seng go tlhoka dijo tsa gagwe. “Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, yo o huduang lewatle gore makhubu a lone a sume. Morena wa masomosomo, ke lone leina la me. Ke beile mafoko a me mo molomong wa gago, ka go khurumetsa ka moriti wa seatla sa me gore ke phutholole legodimo, ke thae lefatshe, ke ree Sione ke re: ‘O morafe wa me.’ ” Itsose, itsose, o tsoge, wena Jerusalema yo o nositsweng senwelo sa bogale jwa Morena ka seatla sa gagwe; wa nwa senwelo se se theekedisang, wa se minolosa. Jerusalema o ne a se na ope mo go bomorwawe botlhe ba o ba tsetseng, yo o mo gogang; a se na ope mo go bomorwawe botlhe, yo o mo tshwarang letsogong. Dilo tse pedi tse, di go dirafaletse – Ke mang yo o tla go lelelang? – e bong kgatelelo le tshenyego, gape leuba le tšhaka. Ke mang yo o ka go gomotsang? Bomorwao ba ne ba rapaletse fa fatshe mo mebileng yotlhe fa e kgabaganang teng ba idibetse jaaka tshephe mo gopong, ba tletse kgalefo ya Morena le kgalemelo ya Modimo wa gago. Ka moo ge, utlwa fa, wena yo o bogisegileng, yo o tagilweng, mme e seng ka weine: Morena wa gago, Morena, Modimo wa gago, yo o lwelang morafe wa gagwe, o bua jaana a re: “Bona, ke tlositse senwelo se se theekedisang mo seatleng sa gago, e bong senwelo sa bogale jwa me. Ga o kitla o tlhola o se nwa. Mme ke tla se tsenya mo diatleng tsa bagateledi ba gago ba ba go reileng ba re: ‘Inama, re go gate, re fete!’ Wa ba wa dira motlhana wa gago jaaka lefatshe, jaaka tsela ya ba ba gatang, ba feta.” Thanya, thanya, o apare thata ya gago, wena Sione! Apara diaparo tsa gago tsa mokgabo, wena Jerusalema, motse o o boitshepo! Gonne ga go kitla go tlhola go tsena ba ba sa rupang le ba ba itshekologileng mo go wena. Tsoga o itlhotlhore lerole, wena Jerusalema yo o leng motshwarwi; dikgole tse di mo molaleng wa gago di bofologile, wena morwadia Sione yo o golegilweng. Gonne Morena o bua jaana a re: “Lo rekisitswe e seng ka sepe; le gona lo tla rekololwa kwa ntle ga selefera.” Gonne Morena Modimo o bua jaana a re: “Mo metlheng ya pele morafe wa me o ne wa falalela kwa Egepeto, ba nna baeng gona. Asiria le ene o o gateletse ka bomo.” Mme jaanong Morena a re: “Ke fitlhela eng fano? Morafe wa me o thopilwe fela. Barena ba ba pelompe ba ona ba omana ka tlhodio. Mme leina la me le tlhola le kgalwa ka gale ka letsatsi lotlhe.” Morena o buile jalo. “Ka moo morafe wa me o tla itse leina la me ka letsatsi leo; o lemoga fa e le nna yo ke buang ke re: Ke fano.” Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa morongwi yo o itumedisang, yo o utlwatsang kagiso, yo o begang mafoko a a molemo, yo o bolelang pholoso, a raya Sione a re: “Modimo wa gago ke kgosi.” Reetsang! Batlhodi ba gago ba tsholetsa mantswe mmogo, ba duduetsa; gonne ba tla bona ka matlho, ba lebaganye nae, fa Morena a boela kwa Sione. Ponyegang lo duduetse mmogo, lona marope a Jerusalema; gonne Morena o gomoditse morafe wa gagwe, a golola Jerusalema. Morena o semile letsogo le le boitshepo la gagwe fa pele ga matlho a ditšhaba tsotlhe. Mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tla bona pholoso ya Modimo wa rona. Hudugang, hudugang, tlogang gona! Se ameng tse di itshekologileng. Tswayang mo gare ga bone. Iphepafatseng, lona ba lo rweleng dijana tsa Morena. Gonne ga lo na go huduga ka potlako, ga lo na go tsamaya jaaka batshabi. Gonne Morena o tla lo etelela pele, mme yo o lo salang morago ke Modimo wa Iseraele. “Bonang, motlhanka wa me, o tla tlhogonolofala; o tla tsholediwa, a godisiwa, a nna mogolo thata. Ba bantsi ba ne ba mo gakgamalela ka poifo – ka sefatlhego sa gagwe se ne se senyegile, se tshwanologa mo go sa motho; ka popego ya gagwe e sa tshwane le ya batho. O tla gakgamatsa ditšhaba tse dintsi jalo. Dikgosi di tla mo momela melomo. Gonne tse ba sa di bolelelwang ba a di bona; le tse ba iseng ba di utlwe ba a di tlhaloganya.” Ke mang yo o dumetseng tse re di utlwileng? Letsogo la Morena le ne le senoletswe mang? Motlhanka wa Morena o ne a tlhoga fa pele ga gagwe jaaka letlhogela le jaaka modi mo lefatsheng le le omeletseng. O ne a se na popego le bontle, fa re ka mo lebang; a se na ponalo, fa re ka mo eletsang. O ne a nyatsega, a tlogelwa ke batho; e le monna wa matlhoko, a tlwaetse bolwetse; e le yo ba mo fitlhelang difatlhego; a nyatsega, mme ra se ka ra mo kaya sepe. Mme ruri ene o rwele malwetse a rona, a sikara matlhoko a rona; mme rona ra itlhoma, fa a bediwa, a itewa ke Modimo, a bogisiwa. Mme ene o phololeditswe ka ntlha ya maleo a rona, a teketelwa melato ya rona. Petso ya mo wela gore rona re bone kagiso. Mme re fodisitswe ka dintho tsa gagwe. Rona rotlhe re ne re timetse jaaka dinku, mongwe le mongwe wa rona a fapogela mo tseleng ya gagwe, mme Morena o ne a digela melato ya rona rotlhe mo go ene. E rile a bogisiwa a ikokobetsa, a sa bule molomo wa gagwe jaaka kwanyana e e isiwang kwa tlhabong le jaaka nku e e leng semumu fa pele ga babeodi ba yona. Ee, ga a ka a bula molomo. O ne a ntshiwa mo pitlaganong le mo tshekisong. Go ne ga tsaatsia mang mo go ba ba phelang nae? Gonne o ne a kgaolwa mo lefatsheng la baphedi, a otlwa mo go isang losong ka ntlha ya boikepo jwa morafe wa me. Ba ne ba mo naya lebitla mo baikeping, le fa a sa dira tshiamololo epe; le fa go se tsietso mo molomong wa gagwe; mme ya re a swa, a nna le mohumi. Mme go ne ga kgatlha Morena go mo itaya le go mo tlhokofatsa. Fa a sena go ntshetsa bophelo jwa gagwe setlhabelo sa boleo, o tla bona losika, a phela malatsi a mantsi, mme tse di kgatlhang Morena di tla tswelela pele ka seatla sa gagwe. O tla bona tseo, a kgora ka ntlha ya tapisego ya mowa wa gagwe. “Motlhanka wa me yo o siameng o tla siamisa ba bantsi ka kitso ya go mo itse, mme melato ya bone ene o tla e rwala. Ka moo ke tla mo abela boswa mo go ba bagolo; o tla abanya thopo le ba ba thata; ka gonne o ne a neela bophelo jwa gagwe mo losong, a balwa le baikepi. Mme tota o ne a rwala boleo jwa ba bantsi, a rapelela baikepi.” Duduetsa, wena moopa yo o iseng o ke o belege; ponyega o duduetse, o ipele, yo o sa segwang ke metlotsedi. Gonne bana ba yo o esi ba bantsi go feta bana ba yo o nyetsweng. Morena o buile jalo. Katolosa manno a tente ya gago; a ba tsharolole masela a meago ya gago. Se rekegele, o leelefatse megala ya tente ya gago, o kokotelele dimapo tsa gago thata. Gonne o tla anamela mo ntlheng ya le le jang le mo go ya la molema. Losika lwa gago lo tla rua ditšhaba; metse e e neng e le marope lo tla e tlatsa batho. Se boife, gonne ga o nke o tlhajwa ke ditlhong; se tlhajwe ke kgala, gonne ga o nke o tlhonya. Gonne o tla lebala ditlhong tsa bošwa jwa gago, o sa tlhole o gakologelwa kgobo ya botlholagadi jwa gago. Gonne yo o go dirileng ke monna wa gago. Leina la gagwe ke Morena wa masomosomo. Mogolodi wa gago ke Moitshepi wa Iseraele. Ene o tla bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe. Gonne Morena o go biditse o le jaaka mosadi yo o tlogetsweng, yo o pelo e botlhoko; o le jaaka mosadi wa sebaka sa bošwa, fa a nyatsega. Modimo wa gago o buile jalo. “Ke ne ke go tlogetse sebakanyana se sekhutshwanyane, mme ke tla go phutha ka mautlwelo-botlhoko a magolo. E rile ke tuka bogale, ka go fitlhela sefatlhego sa me sebakanyana, mme ke tla go utlwela botlhoko ka bopelotlhomogi jo bo sa khutleng.” Morena, Mogolodi wa gago, o buile jalo. “Gonne tseo di tshwana le malatsi a ga Noa mo go nna. Ke ikanne ka re: Metsi a ga Noa ga a kitla a tlhola a ralala lefatshe. Jaanong ke ikanne jalo ka re: Ga nkitla ke go galefela le e seng go go kgalemela. Le fa dithaba di ka suta, le fa dithabana di ka reketla, bopelotlhomogi jwa me ga bo kitla bo tloga mo go wena; kgolagano ya me ya kagiso ga e kitla e reketla.” Morena yo o go utlwelang botlhoko o buile jalo. “Wena yo o tlhomolang pelo, yo o tebelwang ke ledimo, yo o sa gomodiwang, bona, ke tla tshwaraganya mafika a dipota tsa gago ka mmu o o phatsimang; ke thaya metheo ya gago ka mafika a matala. Ditlhoa tsa matlo a gago ke tla di dira ka mafika a mahibitswana, le dikgoro tsa gago ka mafika a mahibidu, le lobota lotlhe lwa gago ka majwana a a rategang. “Bana botlhe ba gago e tla nna barutwa ba Morena. Kagiso ya bana ba gago e tla nna kgolo. O tla tlhomamisiwa ka tshiamo. O tla nna kgakala le pitlagano, ee, ga o na go boifa sepe, o le kgakala le therego, ee, ga e na go go atamela. Le fa ba ka tsosa ntwa, ga e tswe mo go nna. Mme yo o go tlhaselang o tla wa a ntse a tlhabana nao. “Bonang, ke nna yo ke tlhodileng mothudi yo o ubelang mo molelong wa magala, a thula sebolai ka botswerere jwa gagwe; le gona ke nna yo ke tlhodileng mosenyi gore a se senye gape. Sebolai sengwe le sengwe se se thulwang gore se tlhabane nao, ga se nke se kgona sepe. Loleme longwe le longwe lo lo go tsogelang mo tshekong o tla lo fenya kganetsanyong. Ke jona boswa jwa batlhanka ba Morena le tshiamelo ya bone e e tswang mo go nna.” Morena o buile jalo. “Heelang! Lona lotlhe ba lo nyorilweng, tlayang kwa metsing; ba lo se nang madi, tlayang lo reke mabele, lo je. Ee, tlayang lo reke mabele kwa ntle ga madi, weine le mašwi kwa ntle ga tefo. Ke ka ntlhaang, fa lo ntshetsa dilo madi tse e seng bogobe? Fa lo ntsha tuelo tsa lona ka ntlha ya tse di sa kgoriseng? Utlwang, nkutlweng, lo je tse di molemo gore mewa ya lona e itapolose ka dijo tsa letlotlo. “Sekegang ditsebe, tlayang kwa go nna, lo utlweng! Foo mewa ya lona e tla phela, mme ke tla dira kgolagano le lona e e sa khutleng, ke lo naya mapelotlhomogi a ga Dafita a a tlhomameng. Kana ene ke mo dirile mosupi mo bathong; ka mo dira kgosi le molaodi wa merafe. Bona, le wena o tla bitsa ditšhaba tse o sa di itseng; ditšhaba tse di neng di sa go itse di tla sianela kwa go wena ka ntlha ya Morena, Modimo wa gago, le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele, ka a go galaleditse.” Batlang Morena, a sa ntse a ka bonwa! Mmitseng, a sa ntse a le gaufi! A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le monna yo o kgopo a latlhe maikaelelo a gagwe, a boele kwa Moreneng – foo o tla mo tlhomogela pelo – le kwa Modimong wa rona, gonne o na le boitshwarelo jo bogolo. Gonne Morena a re: “Megopolo ya me ga se megopolo ya lona, le gona ditsela tsa lona ga se ditsela tsa me. Gonne ditsela tsa me di okame ditsela tsa lona; le gona megopolo ya me e okame megopolo ya lona jaaka legodimo le okame lefatshe. “Gonne lefoko la me le dira jaaka pula le semathana di fologa kwa legodimong, di sa boele teng, mme di nosa lefatshe, di le medisa, di le tlhogisa gore le nee mojwadi peo le moji bogobe; lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le lone le tla nna jalo. Ga le kitla le boela kwa go nna le sa dira sepe, mme le tla dira tse di nkgatlhang; le tla fetsa tse ke le di rometseng. “Gonne lo tla bolola ka boitumelo, lo tsamaisiwa ka kagiso. Dithaba le dithabana di tla ponyega, di duduetsa fa pele ga lona; ditlhare tsotlhe tsa naga di tla opa diatla. Boemong jwa mitlwa go tla tlhoga mesiperese; boemong jwa bogopa go tla gola metlhakolane. Go tla dirafala jalo go direla Morena leina le le tumileng le go nna sesupo se se sa khutleng se se sa phimolweng.” Morena o bua jaana a re: “Dirang ka tshiamo, bolokang molao. Gonne pholoso ya me e gaufi le go tla; le tshiamo ya me e gaufi le go bonala. Go tshegofaditswe motho yo o dirang jalo, le ngwana wa batho yo o itshwarelelang mo go tseo; yo o tshegetsang letsatsi la Sabata gore a se ka a le itshepolola; yo o disang seatla sa gagwe gore a se ka a dira bosula bope.” A moeng yo o ineetseng mo Moreneng a se ka a bua a re: “Ruri, Morena o tla ntomologanya le morafe wa gagwe;” le gona a moopafadiwa a se ka a bua a re: “Bonang, ke setlhare se se omeletseng.” Gonne Morena o bua jaana a re: “Baopafadiwa ba ba tshegetsang boSabata ba me ba itlhaolela tse di nkgatlhang, ba itshwarelela ka kgolagano ya me, bone ke tla ba naya sesupo le leina le le molemo bogolo go bomorwa le bomorwadi mo Ntlong ya me le mo dipoteng tsa me; ke tla ba naya leina le le sa khutleng le le sa phimolweng. “Mme baeng ba ba ineetseng mo Moreneng gore ba mo direle, ba rate leina la Morena, ba nne batlhanka ba gagwe; – botlhe ba ba tshegetsang letsatsi la Sabata gore ba se ka ba le itshepolola; ba ba itshwarelelang ka kgolagano ya me – bone ke tla ba tlisa kwa thabeng e e boitshepo ya me, ke ba itumedisa mo Ntlong ya me ya thapelo. Ditlhabelo tsa bone tsa phiso le ditlhabelo tse dingwe tsa bone di tla nkgatlha mo aletareng ya me. Gonne Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo ya merafe yotlhe.” Morena Modimo yo o phuthang ba ba lelekilweng ba Iseraele o bua a re: “Ba ba setseng ba phuthegile ba bone ke tla ba okeletsa gape. “Lona dibata tsotlhe tsa naga, tlayang lo je! Ee, lona dibata tsotlhe tsa sekgwa! Batlhodi botlhe ba bone ke difofu fela; ga ba itse sepe. Bona botlhe ke dintšwa tse e leng dimumu, tse di sa itseng go bogola. Ba a lora, ba rapame, ba rate go otsela. “Ee, ke dintšwa tse di megagaru, di batla dijo thata, di sa kgore. Gape ke badisa ba ba sa itseng go tlhokomela. Mongwe le mongwe o fapogela mo tseleng ya gagwe, a latela kgwebo ya gagwe, ba botlhe ba dira jalo. Ba re: ‘Tlayang, ke ya go tsaya weine, a re nweng bojalwa; le kamoso go nne jaaka kajeno, le go phala kajeno gagolo.’ ” Mosiami o a fela, mme ga go ope yo o elang tlhoko ka pelo; banna ba tumelo ba a tlosiwa, mme ga go kgathale ope. Gonne mosiami o tlosiwa tatlhego e ise e tle. O tsena mo kagisong. Ba ba tsamaileng mo tseleng e e siameng ba ikhutsa mo malaong a bone. Mme lona bomorwa moroka wa sesadi, lona ba losika lwa yo o senyang nyalo le yo o dirang boaka, atamelang kwano! Lo tshega mang? Lo petlela mang melomo? Lo ntshetsa mang diteme? A ga lo bana ba boikepo le losika lwa maaka? Lona ba lo fisegang pelong ka medimo fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala; ba lo tlhabang bana mo megorogorong le mo dikgageng tsa mafika! Kabelo ya gago e mo mafikaneng a a borethe a molapo; ona, ee, ona ke karolo ya gago. Le gona o a tsheletse tshupelo ya noo, wa a isetsa tshupelo ya dijo. A nka ikgomotsa ka ga tseo? O adile bolao jwa gago mo thabeng e e godimo e e okameng; le gona o tlhatlogetse teng go dira setlhabelo. O pegile pheko ya gago fa morago ga mojako le mo mophakaregong. Gonne e rile o sena go ntlogela, wa fenosa kobo ya gago, wa tsena mo go yona, wa sutela kwa thoko, wa ikopanya le mongwe wa bone, wa rata go robala nae, wa bona bosaikatega. O ne wa ya kwa kgosing ka lookwane, wa ntsifatsa ditlolo tse di nkgang monate tsa gago; wa roma barongwi ba gago kwa kgakala le kwa teng ga felo ga baswi. O itapisitse ka maeto a mantsi a gago, mme ga o a ka wa re: “Ke tlhobogile.” O ne wa fitlhela thata ya gago e ntse e ntšhwafala. Ke ka moo o sa felang thata. O ne wa tshwenyegela mang, wa mmoifa, fa o bua maaka jalo, o sa nkgopole, o sa ntlhokomele ka pelo? A ga ke re, ke ntse ke didimetse go tloga bogologolo. A ke ka moo o sa mpoifeng? Ke tla itsise tshiamo ya gago le ditiro tsa gago, ga di na go go thusa sepe. A e re fa o goa, bontsi jwa medimo ya gago bo go thuse! Mme yona yotlhe e tla tsewa ke phefo, e tlosiwa ke phefonyana. Mme yo o inkanyang o tla rua lefatshe, a nna moagi mo thabeng e e boitshepo ya me. O tla re: “Tshelang mmu, tshelang mmu mo tseleng, e baakanyeng! Tlosang dikgopi mo tseleng ya morafe wa me!” Gonne go bua jaana yo o tlotlometseng yo o godimodimo, yo o agileng mo bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Yo-o-Boitshepo, a re: “Ke agile kwa godimodimo le mo felong ga boitshepo. Le gona ke ntse ke na le yo o mowa o ngomogileng, o o kokobeditsweng, gore ke lapolose mewa ya ba ba kokobeditsweng, ke rudise pelo tsa ba ba bogisegileng. Gonne ga nkitla ke lwa ka gale le e seng go galefa ka bosakhutleng. Gonne mewa ya bone e ka bo e felelwa ke thata fa pele ga me le maphelo a ke a dirileng ka nosi. Ke ne ke le bogale ka ntlha ya tshiamololo ya bopelotshetlha jwa bone, ka ba itaya ke ntse ke iphitlha ke galefile. Mme ba itsamaela mo boikepong le mo boithatelong jwa dipelo tsa bone. “Ke bonye ditsela tsa bone, mme ke tla ba alafa, ke ba goga, ke ba naya kgomotso gape, e leng ba ba pelo-di-botlhoko.” Morena o bua a re: “Ke rata go ungwisa maungo a melomo, e leng kagiso, kagiso mo go ba ba kgakala le mo go ba ba gaufi, mme ke tla ba fodisa. Mme baikepi ba tshwana le lewatle le le huduegang, gonne ga le itse go kokobela, mme metsi a lone a bilola dithetse le maswe.” Modimo wa me o a re: “Baikepi ga ba na kagiso. “Kua thata, se tshabe go swa lentswe! Le tsholetse jaaka lonaka, o itsise morafe wa me boikepo jwa ona le ba lotso lwa ga Jakobe maleo a bone! Ba mpatla ka malatsi otlhe, ba eletsa go itse ditsela tsa me. Ba batla dikatlholo tse di siameng mo go nna, ba eletsa go atamela Modimo, jaaka e kete ke setšhaba se se dirileng ka tshiamo, se se sa tlogelang molao wa Modimo. “Ba re: ‘Ke ka ntlhaang, fa o sa re bone re itima dijo? Ke ka ntlhaang fa re ikilela, wena o sa itse?’ “Kana ka letsatsi le lo itimang dijo ka lone lo tsweletsa kgwebo pele, lo bogisa batlhanka botlhe ba lona! Bonang, lo itima dijo ka go tsosa kgang le ntwa le ka go kitla ka letswele le le bosula. Go itima dijo ga lona kajeno ga se mo go ka utlwatsang mantswe a lona kwa legodimong. A ke gona go itima dijo mo ke go ratang, fa motho a ikilela letsatsi le le lengwe, a oba tlhogo ya gagwe jaaka motlhatlha, a dira kgetse le molora bolao jwa gagwe? A ke tsona o di bitsang go itima dijo le letsatsi le le natefelang Morena? “A ga ke re: Go itima dijo mo ke go ratang ke go golola ba ba golegilweng ka tshiamololo; ke go bofolola dikgole tsa botlhanka; ke go lokolola ba ba gateletsweng; ke go roba dijoko tsotlhe tsa botlhanka? Ee! Ke go abela ba ba tshwerweng ke tlala dijo tsa gago; ke fa o isa babogisegi ba ba se nang legae mo ntlong; ke fa o apesa yo o mmonang a sa ikatega; ke fa o sa iphitlhele motho ka wena. “Foo lesedi la gago le tla tlhatloga jaaka mahube, go fola ga gago go tla tswelela pele ka bonako. Tshiamo ya gago e tla go etelela pele, kgalalelo ya Morena e go sala morago. Foo o tla bitsa, mme Morena o tla araba; o tla goela thuso, mme o tla re: ‘Bona, ke fano!’ “Fa o tlosa kgatelelo mo gare ga gago, fa o khutla go supa ka monwana le go bua tsa boikepo; fa o tlhomogela yo o tshwerweng ke tlala pelo; fa o kgorisa motho yo o bogisegileng: Foo lesedi la gago le tla tlhaba mo lefifing; sefifi sa gago se tla tshwana le lesedi la motshegare. Mme Morena o tla go etelela pele ka gale, a go kgorisa mo komelelong, a tiisa marapo a gago. Mme o tla nna jaaka tshimo e e noseditsweng, o tshwana le motswedi wa metsi o o sa kgaleng. Mme ba ga eno ba tla tsosa marope a kgale; o tla aga metheo ya ditshika tsa bogologolo sešwa, mme o tla bidiwa ‘Motsosi wa marope’ yo o baakanyang ditsela gore batho ba nne teng. “Fa o thibela maoto a gago ka Sabata gore o se ka wa bapatsa ka letsatsi le le boitshepo la me; fa o bitsa Sabata boitumelo jwa gago le letsatsi le le boitshepo la Morena le le tlotlegang; fa o le tlotla, o sa itsamaele mo ditseleng tsa gago, o sa tsweletse papadi ya gago pele, o sa bue tsa boithamako: Foo o tla itumela mo Moreneng, mme ke tla go naya maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, ke go jesa boswa jwa ga Jakobe rraago.” Gonne molomo wa Morena o buile jalo. Bonang, letsogo la Morena ga le lekhutshwane, mo le ka palelwang ke go thusa; tsebe ya gagwe ga e a thibala, mo e sa ka keng ya utlwa. Mme ditshiamololo tsa lona di lo lomologanya le Modimo wa lona; maleo a lona a lo sira sefatlhego sa ona gore o se ka wa lo utlwa. Gonne diatla tsa lona di itshekolotswe ka go tsholola madi le menwana ya lona ka tshiamololo; melomo ya lona e bua maaka, diteme tsa lona di buabua tse di sokameng. Ga go na ope yo o ipegang mo lekgotleng ka tshiamo; ga go na ope yo o sekang ka boammaaruri; mme ba ikanya boithamako, ba bua ka bolotsana, ba ithwele ka tapisego, ba tsala tatlhego. Ba thuthusa mae a lebolobolo, ba loga bobi jwa segokgo! Yo o jang mae a bone o na le go swa. Le le pšhwetlwang le tla tswa noga. Bobi jwa bone ga bo nke bo tswa seaparo; le gona ga ba nke ba ikapesa ka tse ba di logileng. Ditiro tsa bone ke tse di tsalang tatlhego. Kgatelelo e mo diatleng tsa bone. Maoto a bone a sianela kwa bosuleng, a itlhaganela go tsholola madi a a se nang molato. Megopolo ya bone ke megopolo ya boithamako. Tshenyo le go rutla di mo ditseleng tsa bone. Tsela ya kagiso ga ba e itse; ga go na tshiamo mo ditselaneng tsa bone. Ba sokamisa ditsela tsa bone. Botlhe ba ba tsamayang mo go tsona ga ba itse kagiso. “Ke ka moo tshiamo e leng kgakala le rona, mme pholoso ga e fitlhe mo go rona. Re lebeletse lesedi, mme re fitlhela lefifi, le lesedi la motshegare, mme re tsamaya mo bontshong. Re apaapa lobota jaaka difofu; re apaapa jaaka ba ba se nang matlho. Re kgotšwa motshegare jaaka ka lotlatlana. Re ntse mo go ba ba dingware jaaka ba ba suleng. Re korotla rotlhe jaaka dibere, re ntse re lela jaaka maeba. Re lebeletse tshiamo, mme ga e yo, le pholoso, mme e kgakala le rona. “Gonne ditlolo tsa rona di dintsi fa pele ga gago. Maleo a rona a re baya molato. Ee, re ipona ditlolo, re ikutlwa melato: E leng boikanyologo le go itatola Morena, le go hularela Modimo wa rona, le go bua tsa kgatelelo le tsa boikepo, le go amogela dipolelo tsa maaka mo pelong le go di ntsha gape. Tshiamo e busediwa kwa morago; pholoso e na le go emela kgakala. Gonne boammaaruri bo digwa mo dipatlelong; tse di tshwanetseng di palelwa ke go tsena. Ee, boammaaruri bo a tlhokafala. Yo o tlogelang bosula o a thukhuthwa. Morena o bonye, a fitlhela e le bosula mo matlhong a gagwe, fa go se na tshiamo.” E rile a bona go se na ope, a gakgamala, ka go se morapeledi ope. Ke fa letsogo la gagwe le mo thusa; ke fa tshiamo ya gagwe e mo tshegetsa. Mme a apara tshiamo e le phemo, a rwala kuane ya pholoso mo tlhogong; a apara diaparo tsa pusoloso e le diaparo, a ikapesa ka lefufa jaaka kobo. O tla busetsa ka fa ditirong. O tla duela ba ba ganetsanyang nae ka kgalefo, baba ba gagwe ka pusoloso, mme ditlhakatlhake o tla di bolaisa se di se jeleng. Mme ba tla boifa leina la Morena kwa bophirimatsatsi le kgalalelo ya gagwe kwa botlhabatsatsi; gonne o tla tla jaaka noka e e phašametsegang e phefo ya Morena e e kgweetsang. Mme ba Sione le ba Jakobe ba ba sokologileng mo boikepong o tla tla e le mogolodi wa bone. Morena, o buile jalo. “Mme nna, go bua Morena, ke dira kgolagano nabo ke e: Mowa wa me o o mo go wena le mafoko a me a ke a tsentseng mo molomong wa gago ga di na go tloga mo molomong wa gago le mo melomong ya bana ba gago le mo melomong ya bana ba bana ba gago go tloga fano go ya bosakhutleng.” Morena o buile jalo. Tsoga, o sedimogelwe! Gonne lesedi la gago le tsile, mme kgalalelo ya Morena e go tlhabetse. Gonne bonang, lefifi le khurumeditse lefatshe, le bontsho merafe, mme wena Morena o tla go tlhabela jaaka letsatsi; kgalalelo ya gagwe e tla bonala mo go wena. Mme baheitane ba tla phuthegela kwa leseding la gago, le dikgosi kwa phatsimong e e go tlhabetseng. Tsholetsa matlho o lebe tikologong: Ba phuthegile botlhe, ba tla kwa go wena. Bomorwao ba tla tswa kwa kgakala, bomorwadio ba tlisiwa ba ntse mo nokeng. Foo o tla ba bona, o tlala boitumelo; pelo ya gago e tla gakgamala, e tsharologa, fa bontsi jo bo fa lewatleng bo sokologela kwa go wena, fa khumo ya baheitane e tla kwa go wena. Dikammele di tla tlalatlala mo go wena, le dikammelana tsa Midiane le Efa. Bašeba ba tla tla botlhe, ba tlisa gouta le maswalo, ba utlwatsa ditiro tse dikgolo tsa Morena ka boitumelo. Matsomane otlhe a Ketare a tla go phuthegela; diphelehu tsa Nebayothe di go direla; di tla tla mo aletareng ya me, di nkgatlha, mme Ntlo ya me ya thapelo ke tla e galaletsa. Ke bomang ba ba fofelang kwano jaaka leru; jaaka maeba kwa dirobing tsa ona? Ee, ditlhakatlhake di ntebeletse tse di etelelang pele ke mekoro ya Tharesise gore di tlise bomorwao go tswa kgakala; ba di tlisetsa leina la Morena, Modimo wa gago, Moitshepi wa Iseraele, gonne o a go galaletsa. “Baeng ba tla aga dipota tsa gago, dikgosi tsa bone di go direla; gonne ke go beditse ke le bogale, ka go utlwela botlhoko ke le pelonomi. Dikgoro tsa gago di tla bo di bulegile ka gale, di sa tswalwe bosigo le motshegare, gore ba go tlisetse mahumo a ditšhaba, di eteletswe pele ke dikgosi tsa tsona. Gonne setšhaba le bogosi, tse di ganang go go direla, di tla latlhega. Mafatshe a tsona a tla fetoga sekaka. “Kgalalelo ya Lebanone e tla tla kwa go wena, e leng ditlhare tsa mesiperese le palatane le paina, gore di kgabise Felo ga Boitshepo ga me, gore ke tlotle felo ga dinao tsa me. Bomorwa bagateledi ba gago ba tla tla, ba go ikobela; botlhe ba ba go kgobileng ba tla go khubamela fa patong tsa dinao tsa gago, ba go bitsa ‘Motse wa Morena’ le ‘Sione wa Moitshepi wa Iseraele’. “O ne o tlogetswe, o tlhoilwe, go se yo o go ralalang. Mo boemong jwa tseo ke tla go dira yo o galalelang ka bosakhutleng, yo o thabisang ditshika tsotlhe. O tla anya mašwi a ditšhaba, o anya mabele a dikgosi. O tla itse gore nna Morena ke mopholosi wa gago; le gore mogolodi wa gago ke Senatla sa Iseraele. “Ke tla go tlisetsa gouta boemong jwa kgotlho, ke go tlisetsa selefera boemong jwa tshipi le kgotlho boemong jwa dikgong le tshipi boemong jwa mafika. Ke tla dira kagiso mmuso wa gago le tshiamo balaodi ba gago. Kgatelelo ga e nke e tlhola e utlwala mo lefatsheng la gago, le e seng tshenyo le thubako mo melelwaneng ya gago. O tla bitsa dipota tsa gago pholoso le dikgoro tsa gago pako. “Letsatsi ga e nke e tlhola e nna lesedi la gago motshegare; phatsimo ya ngwedi ga e tlhole e go bonegela bosigo, mme Morena o tla nna lesedi le le sa khutleng la gago; Modimo wa gago o tla nna kgalalelo ya gago. Letsatsi la gago ga le nke le tlhola le phirima; ngwedi wa gago ga o nke o tlhola o swa. Gonne Morena o tla nna lesedi le le sa khutleng la gago. Malatsi a khutsafalo ya gago a fedile. Morafe wa gago e tla nna basiami botlhe fela; ba tla rua lefatshe ka bosakhutleng, e le matlhogela a ke a tlhomileng, e le tiro ya diatla tsa me gore ke ikgalaletse ka yona. Yo mmotlana o tla tswa ba le sekete; yo monnye o tla nna setšhaba se se thata. Nna Morena ke tla akofa ke dirafatsa tseo mo motlheng wa tsona.” Mowa wa Morena Modimo o mo go nna, ka gonne Morena o ntloditse, a nthoma go rerela babogisegi mafoko a boitumelo le go alafa ba ba pelo-di-phatlogileng le go itsise batshwarwi kgololo le ba ba golegilweng go bulwa ga kgolegelo, le go bega ngwaga wa bopelotlhomogi wa Morena le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona; e le go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng, le go naya ba ba hutsafetseng ba Sione mokgabo wa tlhogo boemong jwa molora le lookwane lwa boitumelo boemong jwa diaparo tsa khutsafalo le kopelo ya pako boemong jwa mowa o o kgobegileng marapo. Mme ba tla bidiwa ditlhare tsa metherebinthe tsa pholoso le ditlhomiwa tsa Morena gore a ikgalaletse ka tsona. Mme ba tla aga marope a kgale, ba tsosa matlotla a bogologolo, ba ntšhwafatsa metse e e sentsweng, e leng marope a ditshika tsotlhe. Baeng ba tla ema, ba disa dinku tsa lona; ba ditšhaba e tla nna balemedi ba lona le batlhomi ba meweine ya lona. Mme lona lo tla bidiwa baperesiti ba Morena; ba tla lo bitsa badiredi ba Modimo wa rona. Lo tla ja khumo ya ditšhaba, lo itumisa ka kgalalelo ya tsona. Boemong jwa ditlhong tsa lona lo tla busediwa gabedi. Boemong jwa kgobo ba tla dudueletsa kabelo ya bone. Ee, ba tla rua kabelo tse pedi mo lefatsheng la bone, ba na le boitumelo jo bo sa khutleng. “Gonne nna Morena ke rata tshiamo, ke ila thukhutho ya bopelompe. Ke tla ba naya tuelo ya bone ka boikanyego, ke dira kgolagano e e sa khutleng le bone. Losika lwa bone lo tla itsiwe mo ditšhabeng, le bana ba bone mo gare ga merafe. Botlhe ba ba ba bonang, ba tla lemoga gore bone ke losika lo Morena o lo tshegofaditseng.” Ke itumela ka pelo yotlhe mo Moreneng! A mowa wa me o dudueletse Modimo wa me! Gonne o nkapesitse diaparo tsa pholoso, a nkhurumetsa ka kobo ya tshiamo jaaka monyadi a rwala mokgabo wa tlhogo wa moperesiti, le jaaka monyalwa a ikgabisa ka mekgabiso ya gagwe. Gonne lefatshe le godisa tse di melang mo go lone, tshimo e tlhogisa tse di jwetsweng mo go yona: Morena Modimo o tla tlhogisa tshiamo le tumiso jalo fa pele ga ditšhaba tsotlhe. Ka ntlha ya Sione ga nkitla ke didimala, le ka ntlha ya Jerusalema ga nkitla ke ikhutsa, go tsamaya tshiamo ya gagwe e tswe jaaka phatsimo, le pholoso ya gagwe e tuke jaaka lobone lo lo bonesang. Merafe e tla bona tshiamo ya gago, dikgosi tsotlhe di bona kgalalelo ya gago. O tla bidiwa ka leina le lešwa le o le tewang ke molomo wa Morena. O tla nna serwalo sa bogosi se sentle mo seatleng sa Morena le kuane ya bogosi mo seatleng sa Modimo wa gago. Ga o nke o tlhola o bidiwa “Yo o tlogetsweng”; ga ba nke ba tlhola ba bitsa lefatshe la gago “Bodutu”, mme o tla bidiwa “Yo o nkgatlhang”, le lefatshe la gago “Le le nyetsweng”; gonne Morena o tla kgatlhwa ke wena; lefatshe la gago le tla nyalwa. Gonne Moagi wa gago o tla go nyala jaaka lekau le nyala lekgarebe; Modimo wa gago o tla go itumelela jaaka monyadi a itumelela monyalwa. Jerusalema, ke tlhomile badisa mo dipoteng tsa gago, ba ba sa didimaleng bosigo jotlhe le motshegare otlhe. Lona ba lo gopotsang Morena, lo se ka lwa ba lwa ikhutsa! Le ene lo se ka lwa ba lwa mo ikhutsisa go fitlhelela a tsose Jerusalema, a mo dire yo o tumileng mo lefatsheng! Morena o ikanne ka letsogo le le jang, ka letsogo le le thata, a re: “Ga nkitla ke tlhola ke neela baba ba gago mabele a gago go nna dijo tsa bone; baeng ga ba nke ba nwa matute a moweine a gago a o a itapiseditseng. Nnyaya! Ba ba a robang ba tla a ja go baka Morena; ba ba a fulang ba tla a nwa mo malapeng a a boitshepo a me.” Tswaang, tswaang ka dikgoro, baakanyang tsela ya morafe! Katang ka mmu, lo godise tsela e kgolo; tlosang mafika, lo tlhomele merafe sefoka! Bonang, Morena o utlwatsa go fitlha bokhutlong jwa lefatshe a re: “Rayang morwadia Sione lo re: ‘Bona, Mopholosi wa gago o e tla; bona, tuelo ya gagwe o na nayo, papadi ya gagwe e fa pele ga gagwe.’ ” Ba tla bidiwa “Morafe o o Boitshepo” le “Ba ba golotsweng ba Morena”. Mme wena o tla bidiwa “Yo o batlilweng” le “Motse o o sa tlogelweng”. Ke mang yo o tswang kwa Etomo, kwa Bosera, a apere diaparo tse dikhibidu? Ke mang yo dikobo tsa gagwe di galalelang, yo o gwantang ka thata e kgolo ya gagwe? “Ke nna yo ke buang boammaaruri, ke nonofile go pholosa!” O hubiletseng diaparo? Ke eng, fa dikobo tsa gago di tshwana le tsa mogati wa segatelo? “Ke gatile segatelo ke le nosi, go se morafe ope o o nang le nna; ka ba gataka ke le bogale, ka ba pšhwetlakanya ke galefile; ke fa madi a bone a gasegela mo diaparong tsa me, ke kgotlela tsotlhe tse ke di apereng. Gonne letsatsi la pusoloso le ne le le mo pelong ya me; ngwaga wa go golola ba me o ne o fitlhile. Ke ne ka gadimela kwa le kwa, mme go se na mothusi, ka gakgamala, mme go se na yo o ntshegetsang. Ke fa letsogo la me le nthusa; bogale jwa me jwa ntshegetsa. Ka gataka merafe ke le bogale, ka ba tagisa ke galefile, ka tsholelela madi a bone fa fatshe.” Ke tla baka mapelotlhomogi a Morena le ditiro tse di tumileng tsa Morena jaaka go tshwanetse tsotlhe tse Morena a di re diretseng, le molemo o mogolo o o diretseng Baiseraele ka ona go lekana le mautlwelo-botlhoko a gagwe le mapelotlhomogi a magolo a gagwe. Gonne a re: “Kana bone ke morafe wa me, ke bana ba ba sa aketseng;” a ba a nna mopholosi wa bone mo ditlalelong tsotlhe tsa bone; a ba thusa, e seng morongwi le e seng moengele, nnyaya, ene ka esi a ba golola ka lorato lwa gagwe le ka thekegelo ya gagwe; a ba tsholetsa, a ba belega ka malatsi otlhe a bogologolo. Mme bona ba ganetsa, ba hutsafatsa Mowa o o Boitshepo wa gagwe; ke fa a ba fetogela mmaba, a tlhabana nabo ka esi. Ke fa morafe wa gagwe o gopola malatsi a kgale a ga Moše, o re: “O kae yo o neng a ntsha modisa wa letsomane mo metsing? O kae yo o neng a tsenya Mowa o o Boitshepo wa gagwe mo teng ga gagwe? O kae yo o neng a tsamaisa letsogo le le galalelang la gagwe mo ntlheng ya le le jang la ga Moše, a phatlola metsi fa pele ga bone gore a itirele leina le le sa khutleng? Yo o neng a ba ralatsa madiba a metsi ba sa kgotšwe jaaka pitse, fa e ralala sekaka, ene o kae?” Mowa wa Morena o ba ikhutsisitse jaaka dikgomo di fologela kwa mokgatsheng. O gogile morafe wa gago jalo gore o itirele leina le le galalelang. Okomela o le mo legodimong, o bone o le mo bonnong jwa gago jo bo boitshepo, jo bo galalelang! E kae tlhoafalo ya gago le ditiro tsa thata ya gago? A maikutlo a a mo teng ga gago le mapelotlhomogi a gago a se ntlogele! Gonne wena o rraarona. Kana Aborahame ga a re itse le Iseraele ga a re lemoge. Wena Morena o rraarona. Mogolodi wa rona: Ke lone leina la gago go tswa bogologolo. Morena ke ka ntlhaang, fa o re leseletsa go fapoga mo ditseleng tsa gago; fa o thatafatsa dipelo tsa rona, mo re sa tlholeng re go boifa? Boa ka ntlha ya batlhanka ba gago le ka ntlha ya ditso tse e leng boswa jwa gago! Morafe o o boitshepo wa gago o ne o ruile naga e sebakanyana fela; ba ba re pitlaganyang ba gatakile Felo ga gago ga Boitshepo. Re fetogile ra tshwana le ba o iseng o ke o ba buse ka gope; ba ba iseng ba bidiwe ka leina la gago. Ao! O ka bo o phantsha legodimo, o fologa gore dithaba di reketle fa pele ga gago! jaaka molelo o tshuma ditlhotlhetso, jaaka molelo o bedisa metsi; e le go itsise baba ba gago leina la gago gore ditšhaba di tetesele fa pele ga gago, motlhang o dirang dilo tse di boitshegang tse re sa di lebelelang. – O ka bo o fologa gore dithaba di reketle fa pele ga gago! – Go tswa bogologolo ga ba ise ba di utlwe! Ga go na tsebe e e utlwileng, ga go na leitlho le le bonyeng modimo o mongwe kwa ntle ga gago, o o direlang ba ba o solofelang. O kgatlhantsha yo o dirang ka tshiamo a thabile, yo o go gopolang mo ditseleng tsa gago. Bona, wena o ne o le bogale, mme ra leofa, ra ineela maleo sebaka. A re tla pholosiwa? Re ne ra nna rotlhe jaaka yo o sa itshekang; ditiro tse di siameng tsotlhe tsa rona tsa nna jaaka diaparo tse di maswe; ra omelela rotlhe jaaka matlhare. Molato wa rona wa re gogola jaaka phefo. Go ne go se na ope yo o go rapelang, le fa e le yo o itsosang gore a itshwarelele mo go wena; gonne o ne o re subetse sefatlhego sa gago, wa re nyeletsa ka molato wa rona. Mme jaanong, Morena, o rraarona, rona re letsopa, wena o Mmopi wa rona; rona rotlhe re tiro ya seatla sa gago. Morena, se nne bogale thata thata, se gopole molato wa rona ka metlha yotlhe! A ko o bone gore re morafe wa gago rotlhe! Metse e e boitshepo ya gago e fetogile marope, Sione a ntshiwa sekaka, Jerusalema a nna senya. Ntlo e e Boitshepo e e galalelang ya rona, e borraetsho ba neng ba go baka mo go yona e fisitswe ka molelo. Dilo tsotlhe tse re neng re di rata thata di fetogile thotobolo fela. Ao! Morena! Fa o bona dilo tseo, a o tla tlhokomologa fela, o didimala, o re bogisa go feta tekanyo? “Ke ne ka iponatsa mo go ba ba sa botsang ka ga me; ka fitlhelwa ke ba ba sa mpatlang; ka raya setšhaba se se sa rapelang leina la me ka re: ‘Ke fano, ke fano!’ Ke ne ka ntshetsa mabogo a me letsatsi lotlhe kwa morafeng o o ikepang, o o tsamayang mo tseleng e e seng molemo, o o latelang megopolo ya ona, kwa bathong ba ba ntseng ba nkgakatsa ba lebaganye le nna, ba ba dirang ditlhabelo kwa masimong, ba ba fisang maswalo godimo ga diekana; ba ba ntseng mo mabitleng, ba lala mo mafelong a a fitlhegileng, ba ja nama ya kolobe, ba na le moro wa maila mo dipitseng tsa bone; ba ba reng: ‘Ema koo, se nkatamele, gonne ò ka fetelwa ke boitshepo jwa me.’ Bao ke musi mo dinkong tsa me; ke molelo o o tukang, ka letsatsi lotlhe. “Bonang, go kwadilwe fa pele ga me. Ga nkitla ke didimala, mme ke tla busolosa, ke ba busolosetsa mo dihubeng tsa bone. Ke tla lo busolosetsa ditshiamololo tsa lona le ditshiamololo tsa borraeno mmogo, ba ba neng ba fisa maswalo mo dithabeng, ba nkgala mo mebotong: Pele ke tla ba lekanyetsa tuelo ya bone mo dihubeng tsa bone.” Morena o buile jalo. Morena o bua jaana a re: “E a re fa go fitlhelwa matute a moweine mo lesitlheng, go twe: ‘Se le senye, gonne lesego le mo go lone,’ ke tla dira fela jalo ka ntlha ya batlhanka ba me gore ke se ka ka ba senya botlhe. Mme ke tla ntsha losika mo go Jakobe, e bong ba ba ruang dithaba tsa me mo go Juta; ba ke ba itlhaoletseng ba tla di rua, batlhanka ba me ba tla aga gona. Mme Sarone e tla nna mafulo a matsomane; megorogoro ya Agore e tla nna meraka ya matlhape a batho ba me ba ba mpatlang. “Mme lona ba lo tlogetseng Morena, lwa lebala thaba e e boitshepo ya me; ba lo baakanyetsang Gate lojelo, lwa tshelela Meni bojalwa jo bo tlhakantsweng: Lona ke tla lo neela mo tšhakeng, mme lo na le go inama lotlhe gore lo tlhabiwe. Gonne e rile ke bitsa, lwa se ka lwa araba; ya re ke bua, lwa se ka lwa utlwa. Mme lwa dira tse di bosula mo matlhong a me, lwa itlhophela tse di sa nkgatlheng.” Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana a re: “Bonang, batlhanka ba me ba tla ja, mme lona lo bolawa ke tlala; bonang, batlhanka ba me ba tla nwa, mme lona lo tlhajwa ke ditlhong. Bonang, batlhanka ba me ba tla duduetsa, ka ba le pelo-di-thabileng, mme lona lo tla goa, ka lo le pelo-di-botlhoko; lo tla lela ka ntlha ya go nyema moko. Mme lo tla tlogelela ba ke ba itlhaoletseng leina la lona gore e nne thogako ya go re: ‘A Morena Modimo a go bolae!’ Mme batlhanka ba me ba tla bidiwa ka leina le sele, gore yo o itshegofatsang mo lefatsheng a itshegofatse ka Modimo wa boammaaruri, le yo o ikanang mo lefatsheng a ikane ka Modimo wa boammaaruri, ka ditlalelo tsa pele di lebetswe, ka di fitlhegetse matlho a me. “Gonne bonang, ke tla tlhola legodimo le lešwa le lefatshe le lešwa; mme dilo tsa pele ga di kitla di gopolwa le e seng go di gakologelwa ka pelo. Mme lo tla itumela, lo dudueletsa tsa ke di tlholang ka go sa feleng; gonne bonang, ke tla tlholela Jerusalema meduduetso le batho ba gagwe boitumelo. Ke tla dudueletsa Jerusalema, ke itumelela morafe wa me; ga go kitla go tlhola go utlwala selelo teng le e seng go goa. Ga go kitla go tlhola go nna lesea gona le le phelang malatsinyana fela, le e seng monna mogolo yo o sa tlatseng malatsi a gagwe; gonne yo o swang a le dinyaga di le lekgolo o tla a kaiwa lekau; yo o leofang o tla welwa ke khutso a le dinyaga di le lekgolo. Mme ba tla aga matlo, ba nna mo go ona; ba tla tlhoma masimo a moweine, ba ja maungo o ona. Ga ba kitla ba aga fa yo mongwe a tla nnang teng; ga ba kitla ba tlhoma gore go je yo mongwe. Gonne malatsi a batho ba me a tla tshwana le malatsi a setlhare. Ba ke ba itlhaoletseng ba tla ja monate wa tse ba di itiretseng ka diatla. Ga ba kitla ba itapisetsa lefela, le e seng go tsala bana ba ba swang ka pele. Gonne bone ke losika lwa ba ba tshegofaditsweng ke Morena. Bana ba bone ba na nabo. Ke tla ba araba ba ise ba bitse; ke tla ba utlwa ba sa ntse ba bua. Phiri le kwana di tla fula mmogo. Tau e tla ja bojang jaaka kgomo. Mme dijo tsa noga e tla nna lorole. Ga di nke di utlwisa botlhoko le e seng go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo. Morena o buile jalo.” Morena o bua jaana a re: “Legodimo ke sedulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Ke ntlo e e ntseng jang e lo tla e nkagelang? Felo ga boikhutso jwa me go fa kae? Ke seatla sa me se se dirileng dilo tsotlhe tse; dilo tsotlhe tsa tlholega jalo, go bua Morena. Mme yo ke tla mo lebang, ke yo o bogisegang, yo o mowa o sugegileng, yo o boifang lefoko la me. “Yo o dirang kgomo setlhabelo ke yo o bolayang motho; yo o dirang nku setlhabelo ke yo o robang ntšwa molala; yo o tlisang tshupelo ya dijo ke yo o tlisang madi a kolobe; yo o lebogang ka go fisa maswalo ke yo o bokang modimo o sele: Bona ba itumelela ditsela tsa bone; dipelo tsa bone di natefelwa ke maila a bone. Ka moo le nna ke tla itumela go ba direla bosula; ke ba dirafaletsa tse ba di boifang; gonne e rile ke bitsa, ga bo go se na yo o arabang; ya re ke bua, ba se ka ba utlwa, mme ba dira tse di bosula mo matlhong a me, ba itlhaolela tse di sa nkgatlheng.” Utlwang lefoko la Morena, ba lo boifang lefoko la gagwe! “Go buile bomorwa-rraalona ba ba lo tlhoang, ba ba lo lelekang ka ntlha ya leina la me, ba re: ‘A Morena a ikgalaletse gore re bone boitumelo jwa lone!’ – Mme ba tla tlhajwa ke ditlhong. Utlwelelang! Loratla lo tswa mo motseng! Utlwelelang! Lo tswa kwa Tempeleng! Utlwelelang! Morena o bolaisa baba ba gagwe tse ba di jeleng. “E rile Jerusalema a ise a segwe ke leralalo, a belega; ya re a ise a segwe ke metlotsedi, a tshola ngwana wa mosimane. Ke mang yo o kileng a utlwa se se ntseng jalo? Ke mang yo o kileng a bona dilo tse di ntseng jalo? A lefatshe le ka tlholega ka letsatsi le le lengwe fela? Gongwe a setšhaba se ka tsalwa ka gangwe fela? Ee, ya re Sione a segwa ke metlotsedi, ya ba gona a belegang bana ba gagwe. A ke tla simolola tiro ya go belegisa, mme ke sa e wetse?” Go botsa Morena. “Gongwe a nka tswala sebopelo ke le mmelegisi?” Go botsa Modimo wa gago. Itumeleng le Jerusalema, lo mo dudueletse, lotlhe ba lo mo ratang! Itumeleng nae ka pelo yotlhe, lotlhe ba lo neng lo mo hutsafalela! Gore lo tle lo anye, lo kgore mo mabeleng a dikgomotso tsa gagwe; gore lo tle lo nwe, lo lapologe ka letlotlo la kgalalelo ya gagwe! Gonne Morena o bua jaana a re: “Bonang, ke tla eledisetsa kagiso kwa go ene jaaka noka le mahumo a ditšhaba jaaka nokana e e tletseng; mme lo tla anya, lo kukiwa mo nokeng, lo farwa mo diropeng. Ke tla lo gomotsa jaaka motho a gomodiwa ke mmaagwe; ee, lo tla gomodiwa mo Jerusalema.” Fa lo bona tseo, dipelo tsa lona di tla itumela; marapo a lona a tla tlhoga jaaka bojang jo bonana; seatla sa Morena se tla itshupa mo batlhankeng ba gagwe, mme o tla gakalela baba ba gagwe. Gone bonang, Morena o tla tla ka molelo, le dikoloi tsa gagwe jaaka phefo e kgolo, gore a dirafatse bogale jwa gagwe ka bolelo le kgalemelo ya gagwe ka dikgabo tsa molelo. Ee, Morena o tla atlhola batho botlhe, a ba betsa ka molelo le ka tšhaka ya gagwe; ba ba bolailweng ke Morena e tla nna ba bantsi. “Ba ba ikilelang le go iitshekisetsa masimo, ba ba latelang a le mongwe yo o mo gare, ba ba jang nama ya kolobe le maila a mangwe le magotlo, ba tla fela mmogo.” Morena o buile jalo. “Mme nna ke itse ditiro tsa bone le megopolo ya bone. Sebaka se e tla sa go kgobokanya ditšhaba tsotlhe le diteme tsotlhe. Di tla tla, di bona kgalalelo ya me. Mme ke tla ba direla sesupo, ke romela ba ba falotseng ba bone kwa ditšhabeng, kwa Tharesise le kwa Phule le kwa Lute, ba ba hulang ka bora, le kwa Thubale le kwa Jafane le kwa dintshing tsa mawatle tse di kgakala, ba ba iseng ba utlwe lefoko ka ga me, ba ba iseng ba bone kgalalelo ya me, mme ba tla itsise ditšhaba kgalalelo ya me. Mme bomorwa-rraeno botlhe ba ba mo ditšhabeng tsotlhe ba tla ba tlisetse Morena e le neo ka dipitse le ka dikoloi le ka ditsholo le ka meboulwe le ka dikammele tse di serota kwa thabeng e e boitshepo ya me, kwa Jerusalema, fela jaaka Baiseraele ba isa ditshupelo tsa dijo kwa Ntlong ya Morena ka dijana tse di phepa.” Morena o buile jalo. “Le gona ke tla ntsha bangwe mo go bone gore ba nne baperesiti le Balefi,” go bua Morena. “Gonne legodimo le lešwa le lefatshe le lešwa tse ke di dirang, di tla bo di ntse di eme fa pele ga me,” go bua Morena. “Losika lwa lona le leina la lona le tsona di tla tlhomama jalo. Mo kgweding nngwe le nngwe, fa ngwedi o rogwa, le mo bekeng nngwe le nngwe ka Sabata, batho botlhe ba tla tla go obamela fa pele ga me,” go bua Morena. “Ba tla feta ba tswela kwa ntle, ba bona direpa tsa batho ba ba neng ba ikepa mo go nna. Gonne seboko sa bona ga se kitla se swa; molelo wa bone ga o kitla o tima, mme ba tla nna maila mo bathong botlhe.” Mafoko a ga Jeremia, morwa Hilekia, mongwe wa baperesiti ba ba neng ba agile kwa Anathothe mo lefatsheng la Benyamene, yo lefoko la Morena le tsileng kwa go ene mo malatsing a ga Josia, morwa Amone, kgosi ya Juta, ka ngwaga wa some tharo wa puso ya gagwe. Le gona le tsile kwa go ene mo malatsing a ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, go ya bofelong jwa ngwaga wa some nngwe wa ga Setekia, morwa Josia, kgosi ya Juta, go fitlha fa ba Jerusalema ba isiwa mo botshwarong mo kgweding ya botlhano. Lefoko la Morena le tsile kwa go nna la re: “E rile ke ise ke go bope mo sebopelong, ka go itse; ya re o ise o tsalwe ke mmaago, ka go itshepisa, ka go dira moporofeti wa ditšhaba.” Mme ka re: “Ao, Morena Modimo! Kana ga ke itse go bua. Gonne ke sa le mošwa.” Mme Morena a nthaya a re: “Se re, ke sa le mošwa! Gonne o na le go ya kwa go botlhe ba ke go romang kwa go bone, le go bua tsotlhe tse ke di go laelang. O se ka wa ba boifa, gonne ke na nao gore ke go pholose,” go bua Morena. Ke fa Morena a ntsha seatla, a nkama molomo; Morena a ba a nthaya a re: “Bona, ke baya mafoko a me mo molomong wa gago! Bona, kajeno ke go neela thata mo ditšhabeng le mo magosing gore o kumole le go rutla, o senye le go nyeletsa, o age le go tlhoma.” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “O bona eng, Jeremia?” Ka re: “Ke bona kalana ya setlhare sa mokgofa.” Morena a ba a nthaya a re: “O bonye sentle. Gonne ke tla tlhofaelela mafoko a me gore ke a dirafatse.” Mme lefoko la Morena la tla la bobedi kwa go nna la re: “O bona eng?” Ka re: “Ke bona pitsa e e belang kwa bokone, mme molomo wa yona o sekametse kwano.” Ke fa Morena a nthaya a re: “Tatlhego e tla tshologela baagi botlhe ba lefatshe, e tswa kwa bokone. Gonne bona, ke tla bitsa ditso tsotlhe tsa magosi a a kwa bokone,” go bua Morena, “mme ba tla tla, mongwe le mongwe a baya sedulo sa gagwe sa bogosi fa mejakong ya dikgoro tsa Jerusalema, le go bapa le dipota tsa gagwe mo tikologong, le go bapa le metse yotlhe ya Juta. Mme ke tla ntsha dikatlholo tsa me ka ga bone ka ntlha ya bosula jotlhe jwa bone, ka ba ntlogetse, ba fisetsa medimo e sele maswalo, ba obamela ditiro tsa diatla tsa bone. Mme wena, itlame letheka, o ipaakanye, o ba bolelele tsotlhe tse ke di go laelang. O se ka wa ba boifa, gore ke se ka ka go boifisa fa pele ga bone. Mme bona, kajeno nna ka nosi ke go dirile motse o o femetsweng, le tshipi-lore le dipota tsa kgotlho gore o palele lefatshe lotlhe le dikgosi tsa Juta, le dikgosana tsa gagwe, le baperesiti ba gagwe le batho ba ba mo nageng. Le fa ba tla lwa nao, ga ba kitla ba go fenya; gonne ke na nao gore ke go thuse,” go bua Morena. Lefoko la Morena le tsile kwa go nna la re: “Yaa o rere mo ditsebeng tsa Jerusalema o re: “ ‘Morena o bua jaana a re: Ke gakologelwa bopelonomi jwa bošwa jwa gago le lorato lwa gago, fa o sa ntse o beeletswe, o ntatela mo sekakeng, mo nageng fa go sa jwalweng teng. Iseraele o ne a itshepetse Morena, e le letlhafula la kotulo ya gagwe. Botlhe ba ba neng ba le ja ba dira molato; tatlhego ya ba wela.’ Morena o buile jalo.” Utlwang lefoko la Morena, ba ntlo ya ga Jakobe, le lona ditso tsotlhe tsa ntlo ya Iseraele! Morena o bua jaana a re: “Borraeno ba ne ba bonye molato ofe mo go nna, fa ba nkatoga, ba latela medimo ya boithamako, mme ba fetoga boithamako ka bosi? Ga ba a ka ba botsa ba re: ‘Morena o kae, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a re etelela pele mo sekakeng, mo nageng e e senya ya mangope, mo nageng ya komelelo, ya lefifi le le kwenneng, mo nageng e e sa ralalweng ke ope, kwa batho ba sa nneng teng?’ Ke lo tlisitse mo lefatsheng la masimo a ditlhare tse di ungwang gore lo je maungo a lone le dijo tse di molemo tsa lone. Mme e rile lo sena go tsena, lwa itshepolola lefatshe la me, lwa fetola boswa jwa me maila. Baperesiti ga ba a ka ba botsa ba re: ‘Morena o kae?’ Baokamedi ba molao ba ne ba sa nkitse; badisa ba ikepa mo go nna; baporofeti ba rera ka ga Baale, ba latela medimo e e sa thuseng sepe.” “Ka moo ke tla seka gape le lona,” go bua Morena; “ke tla seka le bana ba bana ba lona. Tshelelang kwa ditlhakatlhakeng tsa Bakhithime, lo tlhole; romang kwa Ketare, lo tlhokomele thata, lo bone gore, a tse di ntseng jaana di kile tsa dirafala? A setšhaba se kile sa ananya medimo ya sona, le fa yona e se medimo? Mme morafe wa me o anantse kgalalelo ya ona ka ntlha ya dilo tse di sa thuseng sepe. Lona magodimo, silofalang ka ntlha ya tseo, lo sisimoge, lo rerege thata!” Go bua Morena. “Gonne morafe wa me o dirile masula a mabedi: Ba ntlogetse ke le motswedi wa metsi a a phelang, ba ya ba ikgabela dikgatampi, e leng dikgatampi tse di phanyegileng, tse di sa tshwareng metsi.” “A Iseraele ke lekgoba? Gongwe a o tsaletswe mo bokgobeng? Ke ka ntlhaang, fa a thopilwe? Ditau di ne tsa mo rorela, tsa utlwatsa modumo wa tsona. Tsa fetola lefatshe la gagwe sekaka, tsa senya metse ya gagwe, ya nna marope fela a a se nang moagi. Batho ba Nofe le ba Thagephanese le bone ba tla go kuta tlhogo. A ga o a itirela tseo ka wesi ka go tlogela Morena, Modimo wa gago, motlhang a go tsamaisang mo tseleng? Jaanong go ya kwa Egepeto le go nwa metsi a Nile go go thusa eng? Go ya kwa Asiria le go nwa metsi a Ferathe go go thusa eng? Bosula jwa gago bo tla go otla, boikepo jwa gago bo tla go betsa. Lemoga o bone gore ke botlhoko jo bo galakang, fa o tlogela Morena, Modimo wa gago, o sa mpoife, go bua Morena, Modimo wa masomosomo.” “Gonne ga o bolo go roba joko ya gago le go kgaola dikgole tsa gago wa re: ‘Ga ke rate go go direla.’ Gonne o ntse o ithobatsa fatshe o le seaka mo dithabaneng tsotlhe tse di godimo le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala. Mme nna ke ne ke go tlhomile o le moweine o montlentle, o le peo ya nnete tota. Jaanong o mphetogetse jang go nna matlhogela a moweine wa naga? Ee, le fa o ka tlhapa ka molora, wa tsaya sesepa se sentsi, setshubaba sa molato wa gago se ntse se bonala fa pele ga me.” Morena Modimo o buile jalo. “O ka bua jang o a re: ‘Ga ke a itshekologa, ga ke a latela boBaale’? Bona tsela ya gago mo mogorogorong, ipone se o se dirileng! O kammele e namagadi e e lemaletseng e e tlolaganyang ditsela tsa yona. O esele ya nageng e namagadi e e tlwaetseng sekaka e e hupelang mowa mo keletsong e kgolo ya yona. Fa e lemaletse, ke mang yo o ka e busang? Botlhe ba ba e batlang ga ba na go itapisa. Ba tla e bona fela mo kgweding ya yona. Thibela dinao tsa gago gore ditlhako tsa gago di se ka tsa tšhomoga, le mometso wa gago gore o se ka wa oma. Mme o a re: ‘Ga go kgonege! Nnyaya! Kana ke rata baeng, ke tla ba latela.’ “Legodu le tlhajwa ke ditlhong, fa le tshwarwa; Baiseraele ba tla tlhajwa ke ditlhong jalo, bone le dikgosi tsa bone le dikgosana tsa bone le baperesiti ba bone le baporofeti ba bone; ba ba rayang kota ba re: ‘O rraetsho!’ le lefika ba re: ‘O re tsetse!’ Gonne ba nkhularetse, ba sa ntebe. Mme e re ba le mo tlalelong, ba bitse ba re: ‘Tsoga, o re thuse!’ “Medimo ya gago e kae e o e itiretseng? A e tsoge, fa e itse go go thusa mo sebakeng sa tlalelo ya gago. Gonne palo ya metse ya gago e lekana le palo ya medimo ya gago, Juta! Ke ka ntlhaang fa lo ganetsanya le nna? Lo ikepile mo go nna lotlhe.” Morena o buile jalo. “Bana ba lona ke ba iteetse lefelafela. Ga ba a amogela kgalemelo. Tšhaka ya lona e nyeleditse baporofeti ba lona jaaka tau e e gagolang. Kana lona lo losika lo lo ntseng jang? Lemogang Lefoko la Morena! A ke fetogetse Iseraele sekaka gongwe lefatshe le lentsho? Ke ka ntlhaang fa batho ba me ba re: ‘Re a itaola. Ga re kitla re tlhola re boela kwa go wena.’ A lekgarebe le lebala mokgabo wa lone? A monyalwa o lebala moitlamo wa gagwe? Mme batho ba me ga ba bolo go ntebala, e setse e le malatsi a a se nang palo. Tsela ya gago ya go batla lorato, o e itse sentle jang! Ke ka moo o itlwaeditseng tse di kgopo mo tsamaong ya gago. Le gona go fitlhetswe madi a bahumanegi ba ba se nang molato mo mejeng ya diaparo tsa gago, Iseraele, ba o sa ba fitlhelang ba thuba ntlo. “Mme le fa go ntse jalo, wena o a re: ‘Ga ke na molato; kana bogale jwa gagwe bo boile mo go nna.’ ” Mme Modimo o a re: “Bona, ke tla go sekisa ka ntlha ya puo ya gago e e reng: ‘Ga ke a leofa.’ Ke ka ntlhaang, fa o fetola tsela ya gago ka botlhofo fela? Egepeto le ene o tla go tlhabisa ditlhong jaaka Asiria a go tlhabisitse ditlhong. Le ene Egepeto o tla mo tlogela o ithwele megono; gonne Morena o ba latlhile ba wena o ba ikanyang. Ga o na o bona tlhogonolo epe ka bone. “Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe, mme ene a mo tlogela, a nyalwa ke monna yo mongwe, a mosadi o ka boela gape kwa go ene? A lefatshe leo ga le kitla le itshekologa tota? Jaanong wena o dirile boaka le dinyatsi tse dintsi. A o a re o boela kwa go nna?” Go botsa Morena. “Tsholeletsa matlho kwa dithabaneng tse di iphotlhereng, o bone gore ke fa kae, fa o sa tlotlolelwang teng? O ne o ba nnela fa ditseleng jaaka Moarabia mo sekakeng, o itshekolola lefatshe ka boaka jwa gago le ka bosula jwa gago. Mme le fa dipula di thibilwe le kgogolamoko e se teng, o ne o na le sefatlhego sa boaka; o ganne go tlhajwa ke ditlhong. “A ga se gona o mpitsang o re: ‘Rra, o tsala ya bošwa jwa me’? O a re: ‘A o tla nna bogale ka bosakhutleng le go bo boloka ka gale?’ – Bona, o buile jalo, mme o dirile tse di bosula, ka fa o kgonang ka teng.” E rile ka malatsi a kgosi Josia Morena a nthaya a re: “A o bonye se Iseraele wa moikepi a se dirileng? Ene o ile kwa godimo ga thaba e kgolo nngwe le nngwe le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, a dira boaka teng. Jaanong ya re a sena go dira tse tsotlhe tse, ka re, o tla boela kwa go nna, mme ga a ka a boa. Mme Juta mogolowe, yo o seng boikanyo, a bona tseo. Mme le fa ke ne ke tlhadile Iseraele wa moikepi ka ntlha ya tsotlhe tse a sentseng nyalo ka tsona, le go mo naya lokwalo lwa tlhalo, ka fitlhela Juta mogolowe, yo o seng boikanyo, a sa boife, mme a ya, a dira boaka le ene. A itshekolola lefatshe ka boaka jwa pelo e e botlhofo ya gagwe, a senya nyalo ka go ineela kota le lefika. Mme le fa tsotlhe tseo di ntse jalo, Juta mogolowe, yo o seng boikanyo, ga a ka a boela kwa go nna ka pelo yotlhe, mme e le ka bolotsana fela.” Morena a re jalo. Mme Morena a nthaya a re: “Iseraele wa moikepi o itshupile a siame bogolo go Juta yo o seng boikanyo. Tsamaya o kuele mafoko a kwa bokone o re: ‘Iseraele wa moikepi, boa! Go bitsa Morena.’ Ga nkitla ke lo leba ke tlhontse sefatlhego, gonne ke bopelotlhomogi; ga nka ke ka galefela ruri. Morena o buile jalo. Fela o ipone molato, fa o ikepile mo Moreneng, Modimo wa gago, wa ineela medimo e sele thata fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me,” go bua Morena. “Boang, lona bomorwaaka ba lo tenegileng!” Go bitsa Morena. “Gonne ke nna Morena wa lona. Ke tla lo tsaya, mongwe mo motseng, ba le babedi mo lotsong, ke lo tlisa kwano Sione. Ke tla lo naya badisa ba ba lo fudisang ka temogo le ka botlhale ka fa pelo ya me e ratang ka teng.” Morena a re: “E tla re ka malatsi ao fa lo sena go ntsifala le go ata mo lefatsheng, go se ke go tlhole go buiwa ka ga Letlole la Kgolagano ya Morena, le e seng go le gakologelwa ka pelo, le e seng go le elelelwa, le e seng go le tlhologelelwa, le e seng go le dira gape. Ka sebaka seo Jerusalema o tla bidiwa ‘Sedulo sa bogosi sa Morena’. Ditšhaba tsotlhe di tla phuthegela teng kwa Jerusalema ka ntlha ya leina la Morena, di sa tlhole di latela bogwadi jwa dipelo tse di bosula tsa bone. Ka malatsi ao Bajuta ba tla goga le Baiseraele, ba tswa mmogo kwa lefatsheng la bokone, ba boela kwano lefatsheng le ke le abetseng borraeno boswa. “Kana nna ke ne ke re: ‘Ke tla go tshola jaaka morwaake, ke go naya lefatshe le le eletsegang, e leng boswa jo bontlentle go phala jwa ditšhaba; ka ba ka re: O tla mpitsa o re: “Rra,” o sa ikepe mo go nna. Mme ruri, lona ba lotso lwa Iseraele, lo ntlogetse ka boikanyologo jaaka mosadi a tlogela monna wa gagwe ka boikanyologo,’ go bua Morena.” “Utlwelela! Go utlwala selelo le mekokotlelo ya Baiseraele kwa dithabeng tse di iphotlhereng, ka gore ba tsamaile mo ditseleng tse di sokameng, ba lebala Morena, Modimo wa bone. Boang, lona bomorwaaka ba lo tenegileng! Ke tla alafa boikepo jwa lona!” – “Re fano, re e tla kwa go wena. Gonne o Morena, Modimo wa rona. Ruri, tsa kwa dithabaneng le tlhodio e e kwa dithabeng ke tsietso fela. Ruri pholoso ya Iseraele e mo Moreneng, Modimo wa rona. Modimo-wa-botlhabisa-ditlhong o jele dilo tsa borraetsho go tswa bonyaneng jwa rona, le dinku tsa bone le dikgomo tsa bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone. A re itelegeng mo ditlhonnye tsa rona! A nyatsego ya rona e re khurumetse! Gonne re leofetse Morena, Modimo wa rona, rona le borraetsho go tswa bonyaneng jwa rona go fitlha letsatsing la kajeno, mme ra se ka ra utlwa lentswe la Morena, Modimo wa rona.” Morena a re: “Fa o rata go tlhabologa, Iseraele, o ka boela kwa go nna. Fa o tlosa maila a gago fa pele ga me, ga o na go ntshaba. Mme fa o ikana ka boammaaruri le ka tshiamo le ka tshwanelo o re: ‘Ka Morena yo o phelang!’ foo ditšhaba di tla itshegofatsa ka ene, di itumisa ka ene.” Gonne Morena o bua jaana le banna ba Juta le Jerusalema a re: “Ikgatheleng tshimo e ntšhwa, se jwaleng mo mitlweng! Rupelang Morena, lo tlose bosarupang jwa dipelo tsa lona, banna ba Juta le baagi ba Jerusalema; e se re gongwe bogale jwa me jwa bolola, jwa tuka jaaka molelo ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona, go se yo o o timang.” Itsiseng mo Juta, utlwatsang mo Jerusalema lo re: “Letsang lonaka mo lefatsheng, lo tlhabe mokgosi o mogolo lo re: ‘Phuthegang, a re tshabeleng kwa metseng e e femetsweng!’ Emisang sefoka se se isang kwa Sione. Tshabang, se diegeng! Gonne ke tlisa tatlhego e e tswang kwa bokone le tshenyo e kgolo. Tau e dule mo dikhung tsa yona; mosenyi wa ditšhaba o tlogile, a bolola mo felong ga gagwe gore a ntshe lefatshe la gago sekaka; metse ya gago e tla fetoga marope, e se na moagi. Ka ntlha ya tseo itlameng ka diaparo tsa bohutsana; hutsafalang lo goe! Gonne bogale jo bo tukang jwa Morena ga bo a tloga mo go rona.” Morena a re: “Ka letsatsi leo kgosi le dikgosana di tla nyema moko; baperesiti ba tla tlhoka puo, baporofeti ba rerega.” Mme ka re: “Ijoo, Morena Modimo! Ruri, o akeditse morafe o le Jerusalema wa re: ‘Lo tla bona kagiso,’ etswe tšhaka e amile bophelo.” Ka sebaka seo ba tla raya morafe o le Jerusalema ba re: “Phefo e e fisang e tswa kwa dithabeng tse di iphotlhereng tsa sekaka, e tla kwa go morwadia morafe wa me; ga se ya go olosa le e seng ya go fefera. Phefo e e thata e e gaisang ya tiro tseo e tla tswa mo go nna. Jaanong le nna ke tla bua dikatlholo ka ga bone.” Bonang, o tlhaga jaaka maru, dikoloi tsa gagwe jaaka ledimo; dipitse tsa gagwe di lobelo go phala dintsu. A tatlhego ya rona wee, gonne re fentswe! Jerusalema, tlhapa pelo bosula, gore o tle o pholosiwe. Megopolo ya gago ya boithamako e tla nna mo teng ga gago go fitlha leng? Gonne mokgosi o utlwala go tswa kwa Dane, o bolela tatlhego e e tswang kwa dithabeng tsa Eferaime. Begelang, ditšhaba, utlwatsang ka ga Jerusalema lo re: “Bonang, ba ba re dikanyetsang ka ntwa ke ba, ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala, ba tlhabela metse ya Juta mokgosi. Ba e dikeletsa tikologong jaaka baleti ba tshimo; gonne ba ntsogetse,” go bua Morena. “Tsamao ya gago le ditiro tsa gago di go diretse tseo; ke ka bosula jwa gago, fa di le bogalaka; fa di go setla pelo.” Mala a me wee! Mala a me wee! Ke a tetesela, ke boifela pelo ya me go phatloga. Pelo ya me e huduega mo go nna. Ke palelwa ke go didimala. Gonne mowa wa me o utlwile modumo wa lonaka le mokgosi wa tlhabano. Ditshenyo di begwa ka tatelano, gonne lefatshe lotlhe le thopilwe. Matlo a me a sentswe ka tshoganyetso, ditente tsa me ka ponyo ya leitlho. Ke na le go bona sefoka le go utlwa modumo wa lonaka go fitlha leng? “Kana morafe wa me ke masilo a a sa nkitseng; ke bana ba ba boeleele, ga ba tlhaloganye sepe. Ba tlhalefetse go dira bosula, mme ga ba itse go dira tse di siameng.” Ke ne ka leba lefatshe, ka fitlhela le tobekanye, le se na sepe; le legodimo le se na lesedi la lone. Ka leba dithaba, ka fitlhela di roroma; le dithabana tsotlhe di tshikinyega. Ka leba, ka fitlhela go se na motho; dinonyane tsotlhe tsa loapi di tshabile. Ka leba masimo a ditlhare tse di ungwang, ka fitlhela e le sekaka fela, metse yotlhe ya teng e sentswe ke Morena ka bogale jo bo tukang jwa gagwe. Ee, Morena, o buile jaana a re: “Lefatshe lotlhe le tla fetoga sekaka, mme ga nkitla ke le fedisa gotlhe. Ka moo lefatshe le tla hutsafala, legodimo le ntshofala kwa godimo; ka gonne ke di buile, mme ga ke di fetole; ke di ikaeletse, mme ga ke boe mo go tsona.” Motse otlhe o tshabile loratla lwa bapalami ba dipitse le lwa ba ba hulang ka bora, ba tshabela kwa dikhung, ba palama mo mafikeng. Motse otlhe o tlogetswe, go se na moagi ope mo go ona. Wena Jerusalema yo o gateletsweng, o tla dirang? Le fa o ka apara masela a mahibidu a mantle jaaka mosadi; le fa o ka kgaba ka mekgabiso ya gouta; le fa o ka budulola matlho ka setlolo se sentsho, o ikgabisetsa lefela. Barati ba a go nyatsa. Se ba se batlang ke bophelo jwa gago. Gonne ke utlwa selelo e kete sa mosadi yo o segwang ke metlotsedi, sa tlalelo e kete ya yo o belegang ga ntlha. Ke selelo sa morwadia Sione. O a fegelwa, a phutholola mabogo a gagwe a re: “A tatlhego ya me wee! Bophelo jwa me bo wela mo diatleng tsa bampolai, ke se na thata.” Yaang le mebila ya Jerusalema, lo batle mo dipatlelong tsa gagwe; tlholang lo tlhokomele. Fa lo fitlhela mongwe a le teng yo o dirang ka tshiamo, yo o batlang boammaaruri, foo ke tla ba itshwarela. Mme le fa ba re: “Ka bophelo jwa Morena,” ruri ba ikana ka maaka. Morena, a ga ke re, matlho a gago a tlhola boikanyo? O ba otlile, mme ga ba a utlwa botlhoko. O ba fedisitse, mme ba se ka ba tlhabololwa ke kotlo. Ba kwatlaladitse difatlhego bogolo go lefika; ba gana go tlhabologa. Mme ke ne ka re: “Ke ba maemo a a kwa tlase fela ba ba dirileng ka bosilo; gonne ga ba itse tsela ya Morena le tshiamo ya Modimo wa bona. Ke tla ya kwa go ba bagolo, ke bua nabo. Gonne bone ba itse tsela ya Morena le tshiamo ya Modimo wa bone.” Mme bone botlhe ba ne ba robile joko, ba kgaotse ditlamo tsa Modimo. Ka lebaka leo tau e e tswang mo sekgweng e tla ba bolaya; phiri ya sekaka e tla ba senya, nkwe e tla lalela metse ya bone. Mongwe le mongwe yo o tswelang kwa ntle ga yona o tla gagoganngwa. Gonne maleo a bone a mantsi. Boikepo jwa bone bo bogolo. “Nka go itshwarela ka ntlha ya eng? Bomorwao ba ntlogetse, ba ikana ka tse e seng Modimo. Mme ya re ke sena go ba kgorisa, ba senya nyalo, ba kgobokana mo ntlong ya boaka. Ba fetogile dipheke tsa dipitse tse di nonneng, tse di kgarakgatshegang. Mongwe le mongwe o lelela mosadi wa mongwe-ka-ene. Jaanong a ga ke na go ba betsa ka ntlha ya dilo tseo?” go botsa Morena. “Mowa wa me a ga o na go ipusolosetsa mo setšhabeng se se tshwanang le se? Palamang mo dipoteng tsa Jerusalema, lo mo senye! Mme lo se ka lwa mo nyeleletsa ruri! Kgaolang dikala tsa gagwe tsa moweine, gonne ga se tsa Morena. Gonne ba lotso lwa Iseraele le ba lotso lwa Juta ba ntiretse ka boikanyologo jo bogolo,” go bua Morena. Ba itatotse Morena ba re: “Ga se ene! Tatlhego ga e na go re wela. Ga re kitla re bona tšhaka le tlala. Mme baporofeti ba tla fetoga phefo fela. Lefoko la Morena ga le yo mo go bone. A bone ba dirafalelwe ke tse di ntseng jalo!” Ke ka moo Morena, Modimo wa masomosomo, a buang jaana a re: “E re ka ba buile lefoko leo, bona, ke tla dira mafoko a me a a mo molomong wa gago molelo le morafe o dikgong, mme o tla ba nyeletsa. “Bonang, lona Baiseraele, ke tla tlisa setšhaba se se tswang kgakala kwa go lona. Go bua Morena. Ke setšhaba se se tiileng, ke setšhaba sa bogologolo, ke setšhaba se lo sa itseng puo ya sona, lo sa utlwe se se se buang. Mokotlopo wa metsu ya sona o tshwana le lebitla le le bulegileng; setšhaba sotlhe ke bagale fela. Ba tla ja kotulo ya gago le dijo tsa gago, ba fedisa bomorwao le bomorwadio, ba ja dinku tsa gago le dikgomo tsa gago, ba ja moweine wa gago le difeie tsa gago; metse e e femetsweng e o e ikanyang ba tla e thuba ka tšhaka. “Mme le mo malatsing ao ga nkitla ke le fedisetsa ruri,” go bua Morena. “Jaanong fa lo ka botsa lo re: ‘Ke ka ntlha ya eng, fa Morena, Modimo wa rona, a re direla tse tsotlhe tse?’ o ba ree o re: ‘E re ka lo ntlogetse, lwa direla medimo e sele mo lefatsheng la lona, lo na le go direla baeng mo lefatsheng le e seng la lona.’ ” “Itsiseng mafoko a mo lotsong lwa Jakobe, a utlwatseng mo go Juta lo re: A ko lo utlwe, lona dieleele tse di se nang tlhaloganyo! – Ba na le matlho, mme ga ba bone; ba na le ditsebe, mme ga ba utlwe. A ga lo a tshwanela go mpoifa?” go botsa Morena. “A ga lo a tshwanela go tetesela fa pele ga sefatlhego sa me? Kana ke dirile motlhaba molelwane wa lewatle, e le logora lo lo sa khutleng, lo le sa lo tloleng; le fa le huduega, ga le kgone sepe; le fa dintelo tsa lone di suma, ga di lo tlole. Mme batho ba, ba na le dipelo tse di feretlhegang, tse di rukhutlhegang. Ba fapogile, ba itsamaela. Ga ba a ka ba akanya mo pelong ba re: ‘A re boifeng Morena, Modimo wa rona, yo o nesang pula, pula ya sephai le pula ya tlhakola-modula, mo sebakeng sa yona; yo o re bolokelang dibeke tse di tlhomameng tsa thobo!’ Ditshiamololo tsa lona di fapositse dilo tseo; maleo a lona a lo timile lesego. “Gonne go fitlhelwa ba ba pelompe mo morafeng wa me; ba lalela batho jaaka ba ba thayang dinonyane, ba konama, ba baakanya gopo, ba ba tshwara. Matlo a bone a tletse bonokwane jaaka serobi se tletse dinonyane. Ke ka moo ba duleng ba bagolo, ba huma. Ba nonne, ba a phatsima. Ba ikgantsha ka dipolelo tse dimpe. Ga ba re sepe ka tshiamo; ga ba emele tshiamo ya masiela gore a tswelele pele. Kgang ya bahumanegi ga ba e seke. “Jaanong a ga ke na go ba betsa ka ntlha ya dilo tseo?” go botsa Morena. “Mowa wa me a ga o na go ipusolosetsa mo setšhabeng se se tshwanang le se? Go dirafetse dilo tse di boitshegang le tsa maila mo lefatsheng: Baporofeti ba rutile lefoko la Modimo ka maaka, baperesiti ba goga nabo, mme morafe wa me o rata tse di ntseng jalo. Mme lo tla dira eng, fa dilo tseo di feleletse? “Lona Babenyamene, tshabang lo tlogele Jerusalema! Letsang lonaka kwa Thekoa, lo emise sefoka kwa Bethe-Hakereme. Gonne tatlhego e re okame go tswa kwa bokone le tshenyo e kgolo. Morwadia Sione yo montle wa seithati ke a mo nyeletsa. Badisa ba e tla kwa go ene, ba na le matsomane a bone; ba tlhoma ditente mo tikologong ya gagwe; mongwe le mongwe o fudisa karolo ya gagwe.” Ba re: “Mmaakanyetseng tlhabano! Nanogang, a re bololeng e sa le motshegare! A tatlhego ya rona wee, gonne letsatsi le ngotlegile! Meriti e setse e le meleele. Nanogang tlhe, a re bololeng bosigo, re senye matlo a borena a gagwe!” Gonne Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Remang ditlhare tsa gagwe, lo direle Jerusalema mapalamo a mmu. Ke ona motse o o otliwang; kgatelelo e tletse mo go ona. Bosula jwa ona bo ntse bo tswela jaaka motswedi wa metsi o ntse o tswela. Kgatelelo le tshenyo di utlwala mo go ona. Botlhoko le dintho di ntse di le fa pele ga me. Tlhagisega, Jerusalema! E se re gongwe pelo ya me ya ikgaoganya nao; e se re gongwe ka go dira sekaka, lefatshe le le se nang moagi.” Morena wa masomosomo o buile jaana le nna a re: “Ronopa masalela a Iseraele jaaka setlhare sa moweine ka tlhoafalo. Tsenya letsogo gangwe le gape mo dikaleng jaaka yo o fulang!” “Nka bua le bomang, ka ba supetsa gore ba utlwe? Bona, ditsebe tsa bone ga di a rupa. Ga ba kgone go reetsa. Bona, Lefoko la Morena le nyatsega mo go bone; ga ba le rate. Mme ke tletse kgalefo ya Morena, ke palelwa ke go e thibela.” Ke fa Morena a re: “E goromeletse mo ngwaneng yo o mo mmileng le mo kgobokanong ya makau mmogo. Ee, le gona go tshwarwa monna le mosadi le monna mogolo le yo o tsofetseng thata. Ba bangwe ba tla abelwa matlo a bone mmogo le masimo le basadi. Gonne ke otlololela baagi ba lefatshe letsogo go ba otla,” go bua Morena. “Gonne botlhe bao ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; botlhe bao ba a tsietsa, le fa e le baporofeti gongwe baperesiti. Mme ba alafa tshenyego ya morafe wa me ka botlhofo fela ba re: ‘Kagiso! Kagiso!’ le fa kagiso e se yo. Ba a nyatsega, gonne ba dirile maila. Mme ga ba tlhole ba ikutlwa ditlhong; ga ba itse go tlhajwa ke kgala. Ka moo ba tla wa le ba ba wang. E re ke ba otla, ba we.” Morena o buile jalo. Morena o buile jaana a re: “Emang fa ditseleng, lo bone, lo botsolotse ditsela tsa bogologolo gore tsela ya go pholosiwa ke efe? Tsamayang mo go yona, foo lo tla bonela mewa ya lona boikhutso.” Mme ba re: “Ga re rate go tsamaya mo go yona.” Le gona ke lo tsoseditse balebi ka re: “Tlhokomelang tumo ya lonaka!” Mme ba re: “Ga re rate go tlhokomela.” “Ka moo, utlwang, lona ditšhaba, itseng, lona phuthego, se se mo go bone. Utlwa, wena lefatshe! Bonang, ke isa morafe o mo tatlhegong, e le leungo la dikakanyo tsa bone. Gonne ga ba a tlhokomela mafoko a me; le molao wa me ba o latlhile. Go fisa maswalo ka matlhare a a tswang kwa Šeba le lotlhaka lo lo nkgang monate lo lo tswang kwa lefatsheng le le kgakala, ke eng mo go nna? Ditlhabelo tsa lona tsa phiso ga di nkgatlhe; ga ke itumelele ditlhabelo tsa lona tse di jewang.” Ke gona ka moo Morena a buileng jaana a re: “Bonang, ke beela morafe o dikgopi mo tseleng gore borra-bana le bana ba we mmogo ka tsona. Moagi le yo o bapileng nae ba tla nyelela.” Morena o bua jaana a re: “Bonang, morafe o e tla, o tswa kwa lefatsheng la bokone; ke setšhaba se segolo, se itsosa kwa dikhutlong tsa lefatshe. Ba tshotse mara le marumo; ba setlhogo, ga ba utlwele ope botlhoko. Loratla lwa bone lo tshwana le mosumo wa lewatle. Ba palame dipitse. Ba iketleeditse jaaka batlhabani gore ba lwe nao, morwadia Sione.” E rile re ba utlwela, diatla tsa rona tsa repa; tlalelo le metlotsedi tsa re tshwara jaaka mosadi yo o belegang. Lo se ka lwa tswela kwa nageng, se tsamaeng mo tseleng! Gonne tšhaka ya mmaba e bolaya mo ntlheng tsotlhe mo go boitshegang. Morwadia morafe wa me, apara diaparo tsa bohutsana, o ipidikanye mo moloreng, o hutsafale jaaka go lelelwa ngwana yo o esi ka selelo sa bogalaka. Gonne mogateledi o tla tla, a re wela ka tshoganyetso. Morena o ne a ntheile a re: “Ke go dirile motlhatlhobi mo morafeng wa me le motlhaodi wa ona gore o itse, o tlhatlhobe ditsela tsa bone. Botlhe ke baikepi ba ba rukhutlhegang, ba tsamaya go senya ba bangwe leina. Ba tshwana le kgotlho le tshipi fela. Botlhe bao ba ntse ba senya fela. Mouba o ubela thata, gore llota e jewe ke molelo. Go ntse go gakolosediwa lefela; ba ba bosula ga ba ntshiwe. Jaanong ba bidiwa selefera e e latlhilweng. Gonne Morena o ba latlhile.” Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re: “Ema mo kgorong ya Ntlo ya Morena, o rere teng lefoko le o re: ‘Utlwang Lefoko la Morena, lona Bajuta lotlhe, ba lo tsenang ka dikgoro tse go obamela Morena! Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana o a re: Siamisang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona! Gona ke tla lo agisa mo felong fano. Lo se ka lwa ikanya mafoko a tsietso a a reng: Tempele ya Morena, Tempele ya Morena, Tempele ya Morena ke yona e! “ ‘Mme fa lo ka siamisa ditsela tsa lona le ditiro tsa lona mo boammaaruring, lo a direlana ka tshiamo tota; lo sa gatelele moeng gongwe lesiela gongwe motlholagadi, lo sa tsholole madi a a se nang molato mo felong fano, lo sa latele medimo e sele – mo e leng go itshenyetsa fela! – foo ke tla lo agisa mo felong fano le mo lefatsheng le ke le neileng borraeno go tswa bogologolo le go ya bosakhutleng. “ ‘Bonang, lo ikanya mafoko a tsietso a a sa thuseng sepe. Ga ke re, lo a utswa, lo a bolaya, lo senya nyalo, lo ikana ka maaka, lo fisetsa Baale maswalo, lo sala medimo e sele morago e lo sa e itseng! Lo fete lo tle lo eme fa pele ga sefatlhego sa me mo Ntlong e, e e bidiwang ka leina la me lo re: Re pholositswe! A lo raya gore ga se sepe, le fa lo dira dilo tsotlhe tse di maila tseo? A Ntlo e, e e bidiwang ka leina la me, e fetogile logaga lwa dinokwane mo matlhong a lona? Ka nnete, le nna ke bonye jalo, go bua Morena. Ee, tlogang lo ye kwa felong ga me, fa go neng go le kwa Silo, kwa ke neng ke agisa leina la me teng mo tshimologong, lo bone se ke se go diretseng ka ntlha ya bosula jwa Iseraele, morafe wa me! Mme jaanong, e re ka lo dirile ditiro tsotlhe tse – go bua Morena – ka ke buile le lona, ka bua ka tlhoafalo, mme lo se ka lwa utlwa; ka lo bitsa, mme lo se ka lwa araba; ka moo ke tla direla Ntlo e e bidiwang ka leina la me, e lona lo e ikanyang, le felo fa ke go lo neileng le borraeno, ke tla go direla jaaka ke diretse Silo. Mme ke tla lo tlosa fa pele ga me, ke lo latlha, jaaka ke latlhile bomorwa-rraeno botlhe, e leng losika lotlhe lwa Eferaime.’ ” “Mme wena, Jeremia, o se ka wa rapelela morafe o; se utlwatse selelo gongwe thapelo ka ntlha ya bone; se nkokotlele, gonne ga nkitla ke go utlwa. A ga o bone se ba se dirang mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema? Bana ba rwalela dikgong, borraabo ba gotsa molelo, basadi ba duba bupe, e le go besetsa kgosi ya sesadi ya legodimo dinkgwe le go tshelela medimo e sele ditshupelo tsa dino gore ba nkgakatse. Jaanong a go gakadiwa nna? go botsa Morena. A ga ba itirele bosula ka bosi, mme e le go itlhabisa ditlhong?” Ka moo Morena, Modimo, o bua jaana a re: “Bonang, go goromelediwa bogale jwa me le kgalefo ya me mo felong fa; mo bathong le mo dikgomong le mo ditlhareng tsa naga le mo maungong a masimo; bo tla tuka, bo sa time.” Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “Tlhakanyang ditlhabelo tsa phiso tsa lona le ditlhabelo tse di jewang tsa lona – lo je nama! Gonne ka letsatsi le ke ntshitseng borraeno kwa lefatsheng la Egepeto ka lone, ga ke a bua sepe nabo le e seng go ba laela sepe ka ga ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tse di jewang. Mme ke ba file taolo e e reng: ‘Utlwang lentswe la me! Foo ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla nna morafe wa me! – Lo sepele fela mo tseleng e ke e lo laelang gore lo tle lo phele sentle.’ Mme ga ba a ka ba utlwa, le e seng go sekega ditsebe, mme ba sepela ka fa maikaelelong a dipelo tsa bone tse di bosula tse di thatafetseng, ba boela kwa morago, ba sa ye kwa pele. Go tloga ka letsatsi le borraeno ba hudugileng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go fitlha letsatsing la kajeno, ke ne ke ntse ke romela batlhanka ba me botlhe, e leng baporofeti, kwa go lona ka tlhoafalo ka malatsi otlhe. Mme ga ba a ka ba nkutlwa, le e seng go sekega ditsebe, mme ba gagamatsa dithamo tsa bone, ba senya bogolo go borraabo. “O tshwanetse go bua mafoko aotlhe ao nabo, mme ga ba kitla ba go utlwa; gape o tshwanetse go ba bitsa, mme ga ba kitla ba go araba. Ka moo o ba ree o re: Ke sona setšhaba se se se kang sa utlwa lentswe la Morena, Modimo wa sona, se se se kang sa amogela kgalemelo. Boammaaruri bo nyeletse, ga bo yo mo melomong ya bone. “ ‘Ipeole moriri o montle, o o latlhe; tlhaba sefela sa khutsafalo mo dithabaneng tse di iphotlhereng! Gonne Morena o latlhile, a leleka losika lo a lo galefetseng.’ “Gonne bomorwa Juta ba dirile tse di bosula mo matlhong a me,” go bua Morena, “ba baya maila a medimo ya bone mo Ntlong e e bidiwang ka leina la me, go e itshekolola. Le gona ba agile thota ya tlhabelo e e bidiwang Thofethe e e mo mogorogorong wa Morwa-Hinome gore ba fise bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ka molelo. Kana ga ke a laola jalo! Pelo ya me ga e ise e tsenwe ke mogopolo o o ntseng jalo.” Ke ka moo Morena o buang a re: “Bonang, malatsi a e tla, a ka ona go sa tlholeng go buiwa ka ga Thofethe le mogorogoro wa Morwa-Hinome, mme ba tla re: ‘Mogorogoro wa polaelo’; ba fitlha baswi mo go Thofethe, ka ba tlhoka manno. Mme ditoto tsa morafe o e tla nna dijo tsa dinonyane tsa loapi le tsa dibata tsa naga, di sa tshosiwe ke ope. Le gona ke tla khutlisa modumo wa tuduetso le wa boitumelo le lentswe la monyadi le la monyalwa mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema. Gonne lefatshe le tla bo le fetogile marope fela.” Morena a re: “Ka sebaka seo ba tla ntsha marapo a dikgosi tsa Juta le marapo a dikgosana tsa teng le marapo a baperesiti le marapo a baporofeti le marapo a baagi ba Jerusalema mo diphupung tsa bona, ba a anegela letsatsi le ngwedi le lesomo lotlhe la legodimo, le ba le ratileng, ba le direla, ba le latela, ba le batla, ba le obamela. Ga a kitla a phuthwa le e seng go fitlhwa gape. E tla nna moutele mo masimong. Mme masalela otlhe a ba ba setseng ba losika lo lo bosula lo, a tla ipatlela loso bogolo go bophelo mo mafelong otlhe kwa ke ba leleketseng teng.” Go bua Morena wa masomosomo. “Le gona o ba ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: A motho o a tle a we, a sa tsoge gape? A o a tle a fapoge, a sa boe gape? Ke ka ntlhaang, fa morafe wa Jerusalema o ntse o fapogela pele? Ba palelela mo tsietsong, ba gana go boa. Ke ne ka utlwelela, ka utlwa gore ba bua tse di sa siamang; ga go na ope yo o ikwatlhaelang bosula jwa gagwe a re: Kana ke dirileng? Ba sianela pele ba ntse ba ikepile jaaka pitse e sianela mo tlhabanong. Le lekololwana le le fofang mo loaping le itse metlha ya lone, le leeba le peolwane le mogolori di tlhokomela sebaka sa go boa ga tsona. Mme ba morafe wa me ga ba itse molao wa Morena. Lo ka bua jang lo a re: Re botlhale, re bile re na le molao wa Morena? Ruri, sekwadi se se tsietsang sa bakwadi se o fetotse maaka! Batlhalefi ba tla tlhajwa ke ditlhong, ba tseana, ba tshwarega; gonne ba latlhile Lefoko la Morena. Jaanong ba na le botlhale bofe? Ka moo ke tla neela ba bangwe basadi ba bone le bathopi masimo a bone. Gonne botlhe ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; baporofeti le baperesiti le bone ba tsietsa botlhe. Mme ba alafa tshenyego ya morwadia morafe wa me ka botlhofo fela ba re: Kagiso! Kagiso! le fa kagiso e se yo. Ba a nyatsega, gonne ba dirile maila. Mme ga ba tlhole ba ikutlwa ditlhong; ga ba itse go tlhajwa ke kgala. Ka moo ba tla wa le ba ba wang; ka nako ya petso ya bone ba tla digwa.’ ” Morena o buile jalo. “ ‘Ke tla ba phutha, ke ba tlosa,’ ” go bua Morena. “ ‘Moweine ga o na maungo; setlhare sa feie ga se na difeie; ee, matlhare a a swaba. Le gona ke tla ba neela bagateledi.’ ” Re sa ntse re nnetseng? Kgobokanang, a re tshabeleng mo metseng e e femetsweng, re swele teng! Gonne Morena, Modimo wa rona, o re isa losong; o re nosa metsi a a nang le botlhole, ka gore re leofetse Morena. Re lebeletse kagiso, mme ga go na sepe se se molemo; le sebaka sa kalafo, mme re fitlhela therego fela. Phegelo ya dipitse tsa gagwe e utlwala go tswa kwa Dane. Lefatshe lotlhe le roroma ka tumo ya selelo sa dipitse tse di thata tsa gagwe. Ba tla tla, ba ja lefatshe le tse di tletseng mo go lone, le motse le ba ba agileng mo go ona. “Bonang, ke tla lo romela dinoga tse di nang le botlhole; tse go se nang sepe se se ka di upang; mme di tla lo loma,” go bua Morena. Ke eng se se ka nkgomotsang mo botlhokong jwa me? Pelo ya me e nyemile. Utlwelelang! Morwadia morafe wa me o lelela thuso kwa lefatsheng le le kgakala a re: “A Morena ga a teng mo Sione? Gongwe kgosi ya gagwe a ga e mo teng?” – “Ke ka ntlhaang, fa ba ne ba nkgakatsa ka medimo ya diseto ya bone le ka medimo e sele?” “Kotulo e fedile. Selemo se fetile, mme ga re ise re pholosiwe.” Ke phatlogile pelo ka ntlha ya tshenyego ya morwadia morafe wa me; ke a hutsafala. Therego e ntshwere. A ga go na molemo mo Gileate? Gongwe a ga go na ngaka teng? Ke ka ntlhaang, fa morwadia morafe wa me a ise a fole? Ao! Tlhogo ya me e ka bo e le metsi, le leitlho la me e ka bo e le motswedi wa dikeledi gore ke lelele ba ba bolailweng ba morwadia morafe wa me bosigo le motshegare! Ao! Nka bo ke na le ntlo ya baeti mo sekakeng gore ke tlogele morafe wa me, ke tswe mo go bone! Gonne ba senya nyalo botlhe; ke lesomo la balotsana fela. “Ba gagamatsa diteme tsa bone jaaka bora; ba busa ka maaka mo lefatsheng, e seng ka boammaaruri; ba tswa bosuleng, ba ya bosuleng jo bongwe, mme nna ga ba nkitse,” go bua Morena. “Itiseng lo tshabane; se ikanyeng ngwana ope wa rraalona; gonne mongwe le mongwe o tsietsa morwa-rraagwe ka bonokwane. Ba tsamaya ba senyana maina. Ba a aketsanya, ga ba bue boammaaruri. Ba tlwaeditse diteme tsa bone go bua maaka. Ba itapisa ka go sokamisa mafoko. Boago jwa gago bo mo gare ga bolotsana; ba gana ka bolotsana go nkitse,” go bua Morena. Ke ka moo Morena wa masomosomo o buang jaana a re: “Bonang, ke tla ba gakolosa, ke ba leka. Kana nka direla morwadia morafe wa me jang ka mokgwa o sele? Diteme tsa bone ke metsu e e bolayang, di bua tsa bolotsana; ba bua kagiso le mongwe-ka-bone ka melomo, mme mo pelong ba a mo lalela. Jaanong a ga ke na go ba betsa ka ntlha ya dilo tseo?” go botsa Morena. “Mowa wa me a ga o na go ipusolosetsa mo setšhabeng se se tshwanang le se?” Ke tla lelela dithaba, ke di hutsafalela, ke tlhaba sefela sa khutsafalo ka ga mafulo a naga, gonne a tubakegile, go se na ope yo o a ralalang; le gona ga go utlwale melelo ya matlhape; dinonyane tsa loapi le diphedi tsotlhe di tshabile, di ile. “Mme ke tla dira Jerusalema marope le bonno jwa diphokojwe; ke fetola metse ya Juta sekaka se se se nang moagi.” Monna yo o botlhale yo o tlhaloganyang tseo ke mang? Ke mang yo molomo wa Morena o buileng nae, go ka itsise gore ke ka ntlhaang, fa lefatshe le latlhegile le go senyega jaaka sekaka, go se na yo o ralalang? Morena a ba a re: “E re ka ba tlogetse molao wa me o ke o beileng fa pele ga bone; ba se ka ba utlwa lentswe la me, le e seng go sepela ka lone; mme ba latela dipelo tsa bone tse di thatafetseng, le boBaale ba ba ba tlwaeditsweng ke borraabo.” Ke ka moo Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buang jaana a re: “Bonang, morafe o ke tla o jesa longana, ke o nosa metsi a a nang le botlhole; ke tla o falaletsa kwa ditšhabeng tse bone le borraabo ba sa di itseng; ke ba latedisa tšhaka go tsamaya ke ba fedise.” Morena wa masomosomo a ba a bua jaana a re: “Tlhokomelang, lo bitse basadi ba selelo gore ba tle; lo romele kwa basading ba ba tlhalefetseng selelo gore ba tle.” A ba akofe, ba tlhabe sefela sa khutsafalo ka ga rona gore matlho a rona a tshologe dikeledi le dintshi tsa rona di ele metsi. Gonne go utlwala sefela sa khutsafalo se se tswang kwa Sione se re: “Joo! Re gateletswe jang! Re tlhajwa ke ditlhong tse dikgolo; gonne re na le go tlogela lefatshe, ka ba rutlile meago ya rona.” Ee, lona basadi, utlwang Lefoko la Morena! A ditsebe tsa lona di amogele lefoko la molomo wa gagwe le le reng: “Rutang bomorwadia-lona sefela sa khutsafalo, lo rutane sefela sa go lelela moswi se se reng: ‘Loso lo palame, lwa tsena mo difenstereng tsa rona, lwa tsena mo matlong a borena a rona go fetsa bana mo mebileng le makau mo dipatlelong.’ ” Bua o re: “Morena a re: ‘Ditoto tsa batho di namaletse fa fatshe jaaka moutele mo masimong le jaaka dingata fa morago ga mosegi, go se yo o di phuthang.’ ” Morena o buile jaana a re: “A Motlhalefi a se ka a ipelafatsa ka botlhale jwa gagwe! A seganka se se ka sa ipoka ka thata ya sona! A mohumi a se ka a ikgodisa ka khumo ya gagwe! Mme yo o ratang go itumisa a a itumise ka go tlhalefela go nkitse, fa e le nna Morena yo o dirafatsang bopelotlhomogi le katlholo le tshiamo mo lefatsheng; gonne ke kgatlhwa ke dilo tseo.” Morena o buile jalo. “Bonang, malatsi a e tla,” go bua Morena, “a ka ona ke tla betsang botlhe ba ba rupileng mo mmeleng fela, e leng Baegepeto le Bajuta le Baetomo le Baamone le Bamoabe le botlhe ba ba sekotsweng ditlhogo ba ba agileng mo sekakeng. Gonne ditšhaba tsotlhe tseo le Baiseraele botlhe ba na le dipelo tse di sa rupang.” Lona Baiseraele, utlwang lefoko le Morena a le buang le lona! Morena o buile jaana a re: “Se itlwaetseng mokgwa wa baheitane; se tshogeng ditshupo tsa legodimo, le fa baheitane ba di tshoga! Gonne dithulaganyo tsa merafe ke boithamako fela, ka ba rema setlhare mo sekgweng go dira modimo. Ke selo se diatla tsa setswerere di se dirang ka selepe. Ba se kgabisa ka selefera le gouta; ba se kokotela ka dimapo le noto gore se se ka sa reketla. Medimo e, e tshwana le setshosa se se mo tshimong ya diphare; ga e itse go bua. Ee, e na le go rwalwa, ka e sa itse go tsamaya. Se e boifeng, gonne ga e itse go lo senyetsa; le gona ga e itse go direla ope molemo.” Ga go na ope yo o tshwanang nao, Morena; o mogolo, le leina la gago le legolo ka bonatla. Ke mang yo o sa tshwanelang go go boifa, wena kgosi ya ditšhaba? Kana ke se se go tshwanetseng! Gonne mo matlhaleng otlhe a ditšhaba le mo dipusong tsotlhe tsa tsona ga go na ope yo o tshwanang nao. Mme botlhe bao ke dieleele fela tse di silofetseng. Ke yona thuto ya medimo e sele, e e leng dikota fela. Selefera e e papetlilweng ba e tsere kwa Tharesise, le gouta kwa Ufase. Medimo ke tiro ya setswerere le ya diatla tsa mogakolosi. Masela a mabududu le a mahibidu ke diaparo tsa yona. Yotlhe ke tiro ya batlhalefi fela. Mme Morena ke Modimo wa boammaaruri; ke Modimo o o phelang, ke kgosi e e sa khutleng. Lefatshe le roroma ka ntlha ya bogale jwa gagwe. Ditšhaba di palelwa ke go itshokela kgalefo ya gagwe. Buang jaana ka ga yona lo re: “Medimo e e sa dirang legodimo le lefatshe e tla nyelela e tswa mo lefatsheng le fa tlase ga legodimo leno.” Ke Morena yo o dirileng lefatshe ka thata ya gagwe, a le tlhomamisa ka botlhale jwa gagwe; le gona o tsharolotse legodimo ka tlhaloganyo ya gagwe. Fa a utlwatsa kodu ya gagwe, metsi a suma kwa legodimong; o tlhatlosa mouwane kwa dikhutlong tsa lefatshe, a direla pula dikgadima, a fokisa phefo e tswa mo dipolokelong tsa gagwe. Motho mongwe le mongwe o silofetse, ga a na kitso; mothudi wa gouta mongwe le mongwe modimo wa seseto o mo tlhabisa ditlhong. Gonne ditshwantsho tse a di bopileng ke maaka fela; ga di na mowa mo go tsona. Ke medimo ya boithamako fela, ke tiro e e sotlegang; e nyelela ka sebaka se e sekisiwang ka sona. Mme yo e leng kabelo ya ga Jakobe ga a tshwane le yona; gonne ke ene yo o bopileng dilo tsotlhe, mme Iseraele ke lotso lo e leng boswa jwa gagwe. Morena wa masomosomo ke lona leina la gagwe. Tsaya dithoto tsa gago fa fatshe, o di rwale, wena Sione yo o dikanyeditsweng ke ntwa! Gonne Morena o bua jaana a re: “Bonang, ka nako e ke tla latlhela baagi ba lefatshe kwa kgakala jaaka go konopiwa ka seragamajwe; ke ba isa mo tlalelong gore ba tle ba ipone.” A tatlhego ya me wee ka ntlha ya kotlo e ke otlilweng ka yona! Ntho ya me ke e e sa foleng. Mme nna ke ne ka re: “Ke bolwetse fela jo nka bo itshokelang.” Tente ya me e sentswe, dithapo tsotlhe tsa me di kgaotswe. Bomorwaake ba tlogile mo go nna, ga ba yo. Ga go na ope yo o tsosang tente ya me gape, yo o tsharololang masela a yona. Gonne badisa e ne e le dieleele, ba sa batle Morena. Ka moo ba ne ba tlhoka tswelelopele, mme letsomane lotlhe la bone la faladiwa. Utlwelelang! Go utlwala eng? Go tla loratla lo logolo, lo tswa mo lefatsheng la bokone, e le go fetola metse ya Juta marope le dikutla tsa diphokojwe. Morena, ke itse gore tsela ya motho ga e laolwe ke ene, le gore moeti ga a kgone go laola dikgato tsa gagwe. Nkotle, Morena! Fela a e nne ka tekanyo, e seng ka fa bogaleng jwa gago, e se re gongwe o mpolaela ruri. Baheitane ba ba sa go itseng le ditshika tse di sa bitseng leina la gago di goromeletse bogale jwa gago! Gonne di jele Jakobe, tsa mo ja, tsa mo fetsa, tsa ntsha meago ya gagwe marope. Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re: “Utlwa mafoko a kgolagano e, o a bolelele banna ba Juta le baagi ba Jerusalema, o ba ree o re: Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Go hutsitswe monna yo o sa utlweng mafoko a kgolagano e, a ke a laetseng borraeno ka letsatsi le ke ba ntshitseng ka lone kwa lefatsheng la Egepeto, mo leubelong la tshipi, ka re: Utlwang lentswe la me, lo dire tsotlhe tse ke tla di lo laelang. Foo lo tla nna morafe wa me, mme ke tla nna Modimo wa lona gore ke dirafatse maikano a ke a ikanetseng borraeno a go ba naya lefatshe le le elang mašwi le dinotshe, jaaka lo agile mo go lone kajeno.’ ” Ke fa ke araba ke re: “Amen, Morena!” Morena a ba a nthaya a re: “Rera mafoko otlhe a mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema o re: ‘Utlwang mafoko a kgolagano e, lo a dirise. Gonne ke laile borraeno thata ka letsatsi le ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone, ka gatelela mafoko a me ka tlhoafalo go fitlha letsatsing la kajeno ka re: Utlwang lentswe la me! Mme ga ba a ka ba utlwa le e seng go sekega ditsebe, mme ba latela dipelo tse di bosula tsa bone tse di thatafetseng. Ke fa ke ba dirafaletsa mafoko otlhe a kgolagano e, a ke a ba laetseng gore ba a dirise, mme ba se ka ba dira jalo.’ ” Mme Morena a nthaya a re: “Go itshupa moferefere o banna ba Juta le baagi ba Jerusalema ba o rerileng. Ba boetse kwa melatong ya borraabo ba pele, ba ba ganneng go utlwa mafoko a me. Le bone ba setse medimo e sele morago gore ba e direle. Baiseraele le Bajuta ba robile kgolagano ya me e ke e dirileng le borraabo.” Ke gona ka moo Morena o buang jaana a re: “Bonang, ke tla ba tlisetsa tatlhego, e ba sa ka keng ba kgona go falola mo go yona. Mme le fa ba ka goela kwa go nna, ga nkitla ke ba utlwa. Foo baagi ba metse ya Juta le ba Jerusalema ba tla ya, ba tlhaeleletsa kwa medimong e ba ntseng ba e fisetsa maswalo, mme ga e kitla e ba thusa sepe mo sebakeng sa tlalelo ya bone. Gonne palo ya medimo ya gago, Juta, e lekana le palo ya metse ya gago. Le gona palo ya mebila ya Jerusalema e lekana le palo ya dialetare tse lo di agetseng modimo-wa-botlhabisa-ditlhong, e bong dialetare tse lo fisetsang Baale maswalo mo go tsona. Mme wena o se ka wa rapelela morafe o; se utlwatse selelo gongwe thapelo ka ntlha ya bone! Gonne ga nkitla ke ba utlwa ka sebaka se ba mpitsang ka sona ka ntlha ya tlalelo ya bone. “Ke ka ntlhaang, fa moratiwa wa me a dirafatsa maano a bolotsana mo Ntlong ya me? A mafura le nama e e boitshepo di ka faposa tatlhego ya gago mo go wena? Foo o ka duduetsa. Morena o ne a go biditse ‘Setlhare sa olefa se setala se sentle se se maungo a pila.’ Mme fa loratla lo logolo lo utlwala, o tla se tshuba ka molelo, mme dikala tsa sona di tla robega. “Morena wa masomosomo yo o go tlhomileng o go atlholetse tatlhego ka ntlha ya boikepo jwa Baiseraele le jwa Bajuta, jo ba bo dirileng e le go itshenyetsa ka bosi gore ba nkgakatse ka go fisetsa Baale maswalo.” Morena o nkitsisitse, ka ba ka itse; a ntemosa maikaelelo a bone. Mme nna ke ne ke tshwana le kwanyana e e bokgwabo e e gogwang go ya go tlhajwa, ke sa lemoge, fa ba ntogetse maano ba re: “A re senyeng setlhare le maungo a sona! A re mo nyeletseng mo lefatsheng la baphedi gore leina la gagwe le se ka la tlhola le gopolwa.” Mme wena Morena wa masomosomo o atlhola ka tshiamo, o tlhatlhoba diphilo le pelo! Nte ke bone pusoloso ya gago mo go bone! Gonne ke go neetse kgang ya me ka go go ikanya. Ke ka moo Morena o buileng jaana ka ga banna ba Anathothe, ba ba lalelang bophelo jwa gago ba re: “O se ka wa bolela Lefoko la Modimo mo leineng la Morena, e se re gongwe wa swa ka diatla tsa rona!” Ka moo Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Bona, ke tla ba otla! Makau a bone a tla swa ka tšhaka; bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ba tla swa ka tlala. Le gone ba tla bo ba se na masalela ape. Gonne ke tla tlisetsa banna ba Anathothe tatlhego ka ngwaga o ba bediwang ka ona.” Morena, o tshiamo fa ke seka nao. Fela ke batla go go botsa kgang ya tsheko ke re: Ke ka ntlhaang, fa tsela ya baikepi e le letlhogonolo? Fa botlhe ba ba dirang ka bolotsana ba phela ba iketlile? O ba tlhomile, ba bile ba namile medi; ba a gola, le gona ba ungwa maungo. O gaufi mo melomong ya bone, mme o kgakala le dipelo tsa bone. Mme wena Morena, o a nkitse, o a mpona; o tlhatlhoba pelo ya me gore e go lebile jang. – Ba swatolele kwa tlhabong jaaka dinku! Ba tlhaolele letsatsi la polao! Lefatshe le tla hutsafala le morogo wa naga yotlhe o tla omelela go fitlha leng? Diphedi le dinonyane di nyelela ka ntlha ya bokgopo jwa ba ba agileng mo go lone. Gonne ba re: “Ga a kitla a bona bokhutlo jwa rona.” Morena a mo araba a re: “Fa o siana le ba ba tsamayang ka maoto, ba a go lapisa. Jaanong o ka phadisanya jang le dipitse? Fa o sa iketle mo lefatsheng la kagiso, o tla dira eng mo sekgweng se segolo sa Joretane? Ee, bomorwa-rraago le ba ntlo ya ga rraago le bone ba go diretse ka bolotsana. Le bone ba a go kgoba, o sena go ba hularela. O se ka wa ba ikanya, le fa ba bua tse di molemo nao!” “Ke tlogetse Ntlo ya me, ka tlhoboga boswa jwa me; moratiwa wa mowa wa me ka mo neela mo diatleng tsa baba ba gagwe. Boswa jwa me bo mphetogetse tau e e mo sekgweng e e mpôpelang; ka moo ka bo tlhoa. A boswa jwa me ke morubisi o o mebalabala o bomankgodi ba o tlhaselang go tswa ntlheng tsotlhe? Tlayang lo kgobokanye dibata tsotlhe tsa naga! A di tle dijong! Badisa ba bantsi ba sentse tshimo ya me ya moweine; ba gatakile boswa jwa me, ba tubaka tshimo e ke e itumelelang; ba e fetola sekaka. E a nkhutsafalela e le senya. Lefatshe lotlhe le ntshitswe sekaka, gonne ga go na ope yo o tsibogang pelo. Basenyi ba fitlhile mo dithabaneng tsotlhe se di iphotlhereng tsa naga. Gonne tšhaka ya Morena e ntse e ja lefatshe lotlhe, go tswa mo ntlheng e nngwe go ya mo ntlheng e nngwe, go se na motho ope yo o leng mo kagisong. Ba jwetse mabele, ba roba mitlwa. Ba itapisitse, mme go sa ba thuse sepe. Tlhajwang ke ditlhong ka kotulo ya lona ka ntlha ya bogale jo bo tukang jwa Morena.” Morena o buile jaana a re: “Merafe yotlhe e e bapileng le nna e e bosula e e amang boswa jo ke bo abetseng Iseraele, morafe wa me, bonang, ke tla e kumola mo dinageng tsa yona, le Bajuta ke tla ba kumola mo gare ga yona. Mme e tla re ke sena go e kumola, ke e tlhomogele pelo gape, ke e busetse, mongwe le mongwe kwa bosweng jwa ona le mongwe le mongwe kwa lefatsheng la ona. Mme e tla re fa ba ithuta ditsela tsa morafe wa me tota gore ba ikane ka leina la me ba re: ‘Ka bophelo jwa Morena!’ jaaka ba rutile morafe wa me go ikana ka Baale, foo ba tla agisiwa mo gare ga morafe wa me. Mme fa ba gana go utlwa, morafe o o ntseng jalo ke tla o kumolela ruri, ke o nyeletsa.” Morena o buile jalo. Morena o ntheile jaana a re: “Yaa o ithekele moitlamo wa lesela, o itlame letheka ka ona, mme o se ka wa o tsenya mo metsing!” Ka ya ka reka moitlamo ka fa Lefokong la Morena, ka itlama letheka. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la bobedi la re: “Tsaya moitlamo o ò o rekileng o o mo lethekeng la gago, ò nanoge ò ye kwa nokeng ya Ferathe, ò o fitlhe teng mo lofarong lwa mafika.” Ka ya ka o fitlha kwa Ferathe, jaaka Morena a ntaetse. Jaanong ya re malatsi a mantsi a sena go feta, Morena a nthaya a re: “Nanoga o ye kwa nokeng ya Ferathe, o tsee moitlamo teng o ke neng ke go laetse go o fitlha gona.” Ka ya kwa nokeng ya Ferathe, ka epolola moitlamo, ka o tsaya felong fa ke neng ke o fitlhile teng, ka fitlhela moitlamo o senyegile, o se na mosola ope. Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go nna le re: “Morena o bua jaana a re: ‘Ke tla senya boikgodiso jwa Juta le boikgantsho jo bogolo jwa Jerusalema fela jalo. Batho ba ba bosula ba, ba ba ganang go utlwa lefoko la me, ba ba sepelang ka bopeloethata jwa bone, ba latela medimo e sele, ba e direla, ba e obamela – ba tla nna jaaka moitlamo o, o o se nang mosola ope. Gonne ke ne ke ngapareditse Baiseraele botlhe le Bajuta botlhe mo go nna, jaaka moitlamo o ngaparela mo lethekeng la monna,’ go bua Morena, ‘gore e nne morafe wa me, e nne tumiso le pako le kgalalelo mo go nna, mme ba ganne go utlwa.’ “Le gona bua lefoko le nabo o re: ‘Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Meduto yotlhe e tladiwa weine.’ – Jaanong ba tla go raya ba re: ‘Kana re a itse, fa meduto yotlhe e tladiwa weine!’ Mme o ba fetole o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bonang, ke tla tlatsa baagi botlhe ba lefatshe le, le dikgosi tse di ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le baperesiti le baporofeti le baagi botlhe ba Jerusalema botagwa. Mme ke tla ba phatlakanya, mongwe ka yo mongwe, borra-bana le bomorwaa-bone mmogo. Ke tla ba senya, ke sa ba utlwele botlhoko, ke sa ba rekegele, ke sa ba tlhomogele pelo.’ ” Utlwang, lo sekege ditsebe, mme lo se ka lwa ikgantsha, gonne Morena o buile jalo. Neelang Morena, Modimo wa lona, tlotlo, a ise a tlise lefifi; dinao tsa lona di ise di kgotšwe mo dithabeng ka lotlatlana. Foo lo tla lebelela lesedi, mme o le fetola moriti wa loso, o le dira lefifi le legolo. Mme fa lo sa utlwe mafoko a, mowa wa me o tla lelela mo sephiring ka ntlha ya boikgodiso jwa lona; leitlho la me le tla lela mo go botlhoko, le ela dikeledi, ka letsomane la Morena le isiwa mo botshwarong. Raya kgosi le mma-kgosi o re: “Fologang, lo nneng fa fatshe, gonne serwalo se sentlentle sa lona sa bogosi se wele mo ditlhogong tsa lona. Metse ya borwa e tswetswe, ga go na yo o e bulang. Juta yotlhe o isitswe mo botshwarong, ba botlhe ba thopilwe.” Jerusalema, tsholetsa matlho, o bone ba ba tswang kwa ntlheng ya bokone! Motlhape o ò o filweng o kae? Letsomane le lentle la gago le kae? O tla reng, fa a ba dira barena ba gago ba ò ba tlwaeditseng go nna ditsala tsa gago? A ga ke re, metlotsedi e tla go tshwara jaaka mosadi yo o belegang? Mme fa o ka ipotsa mo pelong o a re: “Ke ka ntlhaang, fa ke dirafaletswe ke tseo?” Ke ka ntlha ya molato o mogolo wa gago, fa o apotswe mosese, fa o gateletswe direthe. A Moethiopia o ka iphetola mmala, gongwe a nkwe e ka fetola mebalabala ya yona? Fa go re ee, foo le lona ba lo tlwaetseng go senya, lo tla itse go dira tse di molemo. Ka moo ke tla ba falatsa jaaka moko o o gogolwang ke phefo ya sekaka. Ke jona boswa jwa gago; ke yona kabelo e ò e lekanyeditsweng ke nna. Go bua Morena. Gonne o ne o ntebetse, o ikantse maaka. Le nna ke go apola mosese, ke go bipa sefatlhego ka ona gore go bonale ditlhong tsa gago, ke raya tshenyo ya nyalo ya gago le go kua ga gago jaaka pitse e e ikatakang, le boaka jwa gago jo bo tlhabisang ditlhong. Ke bonye maila a gago mo dithabaneng le mo nageng. A tatlhego ya gago wee, Jerusalema! Go tla tsaya sebaka se se kana kang go tsamaya ò itsheke? Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Jeremia ka ntlha ya komelelo e kgolo la re: “Juta o a hutsafala, ba bolawa ke lenyora mo metseng ya gagwe, ba ntse fa fatshe ka bohutsana; selelo sa Jerusalema se a tlhatloga. Batlotlegi ba bone ba roma badiredi ba bone kwa metsing; ba fitlha kwa didibeng, ba sa bone metsi. Ba boa ka dinkgo tsa bone tse di se nang sepe, ba swabile, ba tlhajwa ke ditlhong, ba ikhurumeditse ditlhogo. E re ka masimo a senyegile ka ntlha ya pula e e sa nang mo lefatsheng, balemi ba swabile, ba ikhurumeditse ditlhogo. Ee, le tshephe mo nageng e tlogela ngwana, e sena go tsala; gonne ga go na bojang. Diesele tsa nageng di eme mo dithabaneng tse di iphotlhereng, di hupa mowa jaaka diphokojwe, di bokaletse matlho, gonne ga go na mafulo. ‘Morena, le fa melato ya rona e supa ka ga rona, thusa, o dire jalo ka ntlha ya leina la gago; ee, boikepo jwa rona bo bogolo, re go leofetse. Wena tsholofelo ya Iseraele, wena mothusi wa gagwe mo sebakeng sa tlalelo, ke ka ntlha ya eng, fa o tshwana le moeng fela mo lefatsheng, le moeti yo o lalang fela, a ba a feta? Ke ka ntlhaang, fa o tshwana le monna yo o feletsweng ke maano, fa o tshwana le seganka se se sa itseng go thusa? Kana ò na le rona, Morena! Re biditswe ka leina la gago. Se re tlogele!’ ” Morena o bua jaana ka ga morafe o a re: “Ba ratile go kgarakgatshega jalo, ba sa thibele maoto a bone; ka moo ga ba a ka ba kgatlha Morena. Jaanong o tla gakologelwa melato ya bone, a ba beletsa maleo a bone.” Mme Morena a nthaya a re: “Se rapelele morafe o, go fiwa tse di molemo. Le fa ba ka itima dijo, ga nka ke ka utlwa mekokotlelo ya bone; le fa ba ka tlisa setlhabelo se se fisiwang le tshupelo ya dijo, ga nka ke ka ba itumelela; mme ke tla ba feleletsa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo.” Ka araba ka re: “Ao! Morena Modimo, bona, baporofeti ba bone ba ba raya ba re: ‘Ga lo kitla lo bona tšhaka le e seng tlala, gonne ke tla lo naya kagiso e e tlhomameng mo felong fano.’ ” Mme Morena a nthaya a re: “Tse baporofeti ba di rerang mo leineng la me ke maaka fela. Ga ke a ba roma le e seng go ba laela sepe le e seng go bua nabo. Ba lo rerela dipono tsa maaka le boitseanape jwa boithamako le tsietso ya dipelo tsa bone.” Bakeng leo Morena o bua jaana a re: “Baporofeti ba ba rerang mo leineng la me, le fa ke sa ba roma, ba ba buang ba re: ‘Tšhaka le tlala ga di na go tsena mo lefatsheng le’ – baporofeti bao ba tla nyelela ka tšhaka le ka tlala. Mme morafe o ba o rerelang o tla latlhelwa mo mebileng ya Jerusalema o bolailwe ke tlala le tšhaka, go se na ope yo o ba fitlhang, bone basadi ba bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone. Ke tla goromeletsa bokgopo jwa bone jalo mo go bone. Jaanong o ba bolelele lefoko le o re: “ ‘Matlho a me a ela dikeledi bosigo le motshegare, ga a na go khutla! Gonne lekgarebe, morwadia morafe wa me o kgobegile ka tatlhego e kgolo, a tswa ntho e e sa foleng. Fa ke tswela kwa nageng, ke fitlhela ba ba phololeditsweng ka tšhaka; fa ke tsena mo motseng, ke bona matlhoko a tlala. Ee, moporofeti le moperesiti le bone ba kgarakgatshega mo lefatsheng, ba sa tlhole ba itse sepe.’ ” A ò latlhetse Juta ruri? Gongwe a Sione o tenne Mowa wa gago? Ke ka ntlhaang, fa ò re otlile mo go se nang kalafo? Re ne re lebeletse kagiso, mme ga go na sepe se se molemo; le sebaka sa kalafo, mme re fitlhela letshogo fela. Morena, re ipona boikepo jwa rona le molato wa borraetsho; ee, re go leofetse. A ko ò se ka wa re nyatsa ka ntlha ya leina la gago! Se tlotlolole sedulo sa bogosi sa kgalalelo ya gago! Gopola kgolagano e ò e dirileng le rona; ò se ka wa e senya. A go na le medimo ya baheitane e e nesang pula? Gongwe a legodimo le ka nesa pula ka bolone? A ga se wena Morena, Modimo wa rona? Re lebeletse wena, gonne ò dira dilo tse tsotlhe tse. Mme Morena a nthaya a re: “Le fa Moše le Samuele ba ka ema fa pele ga me, ga ke na sepe le morafe o. Ba leleke fa pele ga me! A ba tsamae! Mme e re fa ba go botsa ba re: ‘Re ye kae?’ o ba ree o re: ‘Morena o buile jaana a re: “ ‘Yo o neetsweng leroborobo a ye kwa leroborobong; yo o neetsweng tšhaka a ye kwa tšhakeng; yo o neetsweng tlala a ye kwa tlaleng; yo o neetsweng botshwaro a ye kwa botshwarong!’ “Mme ke tla ba romela dilo tse nne,” go bua Morena: “e leng tšhaka gore e ba bolae; le dintšwa gore di ba goge, di ba tlose; le dinonyane tsa loapi le dibata tsa lefatshe gore di ba je, di ba nyeletse. Ke tla ba neela dipuso tsotlhe tsa lefatshe gore di ba bogise setlhogo ka ntlha ya ga Manase, morwa Hesekia, kgosi ya Juta, ka ntlha ya tsotlhe tse o di dirileng mo Jerusalema. “Gonne ke mang yo o tla go rekegelang, Jerusalema? Ke mang yo o tla go tshedisang? Ke mang yo o tla fapogelang kwa go wena go go botsa bophelo? Ke wena yo o ntatlhileng, wa boela kwa morago,” go bua Morena. “Ke fa ke go otlololela letsogo, ke go senya. Ke lapile go tlhomoga pelo. Ke ne ka ba fefera ka loselo mo dikgorong tsa lefatshe; ka thukhutha morafe wa me bana, ka o fedisa. Mme ga ba a ka ba boa mo ditseleng tsa bone. Batlholagadi ba bone ba nntsifaletse bogolo go motlhaba wa lewatle. Ke ne ka roma mosenyi kwa go bone yo o bolayang bomma-makau motshegare, ka digela pitlagano le letshogo mo go bone ka tshoganyetso. Mosadi yo o neng a belege bomorwawe ba supa a felelela thata, a neela mowa. Letsatsi la gagwe la phirima go sa le motshegare; a sula pelo, a tlhajwa ke ditlhong. Mme masalela a bone ke tla a neela mo tšhakeng ya baba ba bone.” Morena o buile jalo. A tatlhego ya me wee, mma, fa o mpelege ke le monna wa kgang le ntwa mo lefatsheng lotlhe. Ga ke a adima ope, ga ke a adingwa ke ope, mme ba nthogaka botlhe. Morena a re: “Ruri, ke tla go sireletsa sentle; ruri, ke tla kokobetsa mmaba gore a kope thapelelo mo go wena mo sebakeng sa tatlhego le mo sebakeng sa tlalelo. A motho o ka roba tshipi le kgotlho tsa morafe o o tswang kwa bokone ka tshipi e nngwe? – “Dithoto tsa gago le mahumo a gago ke tla di neela go thopiwa, go se na tefelo. Ke ka ntlha ya maleo otlhe a gago a o a dirileng mo nageng yotlhe ya gago. Ke tla go dira motlhanka wa baba ba gago mo lefatsheng le o sa le itseng. Gonne molelo o tuka ka bogale jwa me, o gotseditswe lona.” – Go itse wena, Morena! Nkgopole ò ntlhokomele, ò mpusolosetse mo go ba ba mpogisang! Se ntlose ò le bopelotelele! Itse gore ke rwele kgobo ka ntlha ya gago. E rile ke fitlhela mafoko a gago, ka a ja. Mafoko a gago a ne a nthabisa. E ne e le boitumelo jwa pelo ya me, fa ke biditswe ka leina la gago, Morena, Modimo wa masomosomo. Ga ke a ka ka nna mo lesomong la ba ba tshegang le e seng go itumela nabo. Ke ne ka itunna ke le nosi, ke obilwe ke letsogo la gago, gonne ò ne o ntladitse kgalefo. Ke ka ntlhaang, fa botlhoko jwa me bo sa khutle, le ntho ya me e le e e sa foleng, e e ganang go alafiwa? A ka nnete ke tla fitlhela ò tshwana le noka e e aketsang, le metsi a a sa ikanyegeng? Ke gona ka moo Morena a buang jaana a re: “Fa ò boa, ke tla go emisa gape fa pele ga me; fa ò ntsha tse di tshwanetseng, e seng tse di boatla, o tla nna molomo wa me. Mme bone ba tla boela kwa go wena, mme wena o se ka wa boela kwa go bone! Foo ke tla go dira lobota lwa kgotlho lo lo tiileng mo morafeng o. Ba tla tlhabana nao, mme ga ba nke ba go fenya. Gonne ke na nao gore ke go thuse, ke go pholose. Ke Morena yo o buileng jalo. Ee, ke tla go pholosa mo diatleng tsa ba ba pelompe, ke go golola mo matsweleng a barena ba ba setlhogo.” Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “O se ka wa tsaya mosadi, ò se nne le bomorwa le bomorwadi mo felong fano!” Gonne Morena o buile jaana ka ga basimane le basetsana ba ba tsalwang mo felong fa le ka ga bommaabo ba ba ba belegeng le ka ga borraabo ba ba ba tsetseng mo lefatsheng le, a re: “Ba tla swa loso lo lo botlhoko, ba sa lelelwe, ba sa fitlhwe. Ba tla nna letshotelo fela mo masimong. Ba tla nyelela ka tšhaka le ka tlala. Ditoto tsa bone e tla nna dijo tsa dinonyane tsa loapi le tsa dibata tsa lefatshe.” Gonne Morena o buile jaana a re: “O se ka wa tsena mo ntlong e ba goang ka khutsafalo mo go yona! O se ka wa ya go lela nabo le e seng go ba tshedisa! Gonne ke tlositse kagiso ya me le bopelotlhomogi le kutlwelo-botlhoko mo morafeng o.” Morena o buile jalo. “Ba bagolo le ba bannye ba tla swa mo lefatsheng le, ba sa fitlhwe, ba sa hutsafalelwe; go se na ba ba iphatsang, le fa e le ba ba ipeolang ka ntlha ya bone. Ga ba nke ba apeela yo o hutsafalang dijo go mo gomotsa ka ga moswi le e seng go mo gela metsi a matshediso ka ntlha ya ga rraagwe gongwe mmaagwe. “Le gona o se ka wa tsena mo ntlong ya moletlo wa dijo go nna nabo le go ja le go nwa!” Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “Bonang, ke tla khutlisa modumo wa tuduetso le wa boitumelo le lentswe la monyadi le la monyalwa mo felong fano fa pele ga matlho a lona mo malatsing a lona. “Jaanong e re o sena go itsise morafe o mafoko aotlhe a, mme ba go botsa ba re: ‘Ke ka ntlhaang, fa Morena a re atlholetse dipetso tsotlhe tse dikgolo tse? Molato wa rona ke eng?’ Maleo a rona ke afe a re leofetseng Morena, Modimo wa rona, ka ona? foo o ba arabe o re: ‘Ke ka gore borraeno ba ntlogetse, go bua Morena, ba sala medimo e sele morago, ba e direla, ba e obamela, mme nna, ba ntlogela, ba se ka ba tshegetsa molao wa me. Mme lona lo dirile bosula bogolo go borraeno. Bonang, mongwe le mongwe o latela pelo e e bosula ya gagwe e e thatafetseng, lo sa nkutlwe. Ka moo ke tla lo leleka mo lefatsheng le, ke lo latlhela kwa lefatsheng le lona lo sa le itseng, le fa e le borraeno. Kwa teng kwa lo tla direla medimo e sele bosigo le motshegare, gonne ga nkitla ke lo naya boitshwarelo.’ ” Ke ka moo Morena a reng: “Bonang, malatsi a tla tla a ba sa tlholeng ba bua ka ona ba re: ‘Ka bophelo jwa Morena yo o ntshitseng Baiseraele kwa lefatsheng la Egepeto!’ Mme ba tla re: ‘Ka bophelo jwa Morena yo o ntshitseng Baiseraele kwa lefatsheng la bokone le mo mafatsheng otlhe kwa a ba leleketseng gona.’ Kana ke tla ba busetsa mo nageng ya bone e ke e neileng borraabo. “Bonang, ke tla roma batshwari ba ditlhapi ba bantsi gore ba ba tshware,” go bua Morena. “Morago ga moo ke tla roma batsomi ba bantsi gore ba ba tsome mo dithabeng tsotlhe le mo mebotong yotlhe le mo dipharong tsa mafika. Gonne matlho a me a ntse a lebile ditsela tsotlhe tsa bone. Ga ba ka ke ba iphitlha fa pele ga me. Molato wa bone ga o na go lobiwa fa pele ga matlho a me. Mme pelepele ke tla ba beletsa molato wa bone le maleo a bone gabedi, ka ba itshekolotse lefatshe la me ka ditoto tsa maila a bone; ka makgapha a bone a ne a tletse mo bosweng jwa me.” Morena, ò thata ya me le phemelo ya me le botshabelo jwa me mo letsatsing la tlalelo. Baheitane ba tla tla kwa go wena, ba tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe ba re: “Borraetsho ba ne ba ruile maaka fela, e leng medimo ya boithamako e go se nang ope mo go yona o o thusang sepe. A motho o ka itirela medimo? Kana yona ga se medimo!” “Ka moo, bonang, ka sebaka seo ke tla ba itsise letsogo la me; ke ba lemosa thata ya me. Ba tla itse gore leina la me ke Morena. “Boleo jwa Juta bo kwadilwe ka sekwadi sa tshipi, jwa gwaiwa ka ntlha ya taemane mo matlapeng a dipelo tsa bone le mo dinakeng tsa dialetare tsa bone, jaaka bana ba bone ba gopola dialetare le medimako ya Ašera ya bone fa ditlhareng tse ditala le mo mebotong e e godimo. Thaba ya me e e mo nageng le di-tsa-gago le mahumo otlhe a gago, ke di neela go thopiwa mmogo le dithota tsa tlhabelo tsa gago ka ntlha ya boleo jo bo mo nageng yotlhe ya gago. Mme ò tla latlhegelwa ke boswa jwa gago – jo ke bo go neileng – ka molato wa gago. Ke tla go dira motlhanka wa baba ba gago mo lefatsheng le ò sa le itseng. Gonne lo tshubile molelo wa bogale jwa me o o tukang ka bosakhutleng.” Morena o buile jaana a re: “Go hutsitswe monna yo o ikanyang batho, yo o dirang motho letsogo la gagwe, yo pelo ya gagwe e fapogang mo Moreneng! O tla nna jaaka setlhatshana mo sekakeng, a sa bone, fa molemo o tla; o tla aga mo motlhabeng o o bolelo wa sekaka, le mo nageng ya dikgalaopa, fa go sa nneng ope. “Go tshegofaditswe monna yo o ikanyang Morena, yo o ikaegang ka Morena fela! O tla tshwana le setlhare se se tlhomilweng fa metsing, se se namang medi fa nokeng. Ga se boife, le fa go tla bolelo; matlhare a sona a ntse a le matala. Le mo ngwageng wa komelelo ga se kitla se tshwenyega le e seng go khutla go ungwa. “Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e senyegile tota; ke mang yo o ka e tlhaloganyang? Ke nna Morena yo ke tlhotlhomisang pelo, ke lekang diphilo gore ke nee mongwe le mongwe ka fa tsamaong ya gagwe le ka fa maungong a ditiro tsa gagwe.” Motho yo o phuthang khumo ka tshiamololo o tshwana le lesogo le le thuthusang mae a e seng a lone. O na le go e tlogela mo gare ga malatsi a gagwe; mme la bofelo o tla nna lesilo fela. Felo-ga-Boitshepo ga rona ke sedulo sa bogosi se se galalelang, se se goditsweng go tswa tshimologong. Morena, ò tsholofelo ya Iseraele. Botlhe ba ba go tlogelang ba tla tlhajwa ke ditlhong. Ba ba fapogang mo go nna, ba tla kwalwa fa fatshe. Gonne ba tlogetse motswedi wa metsi a a phelang, e leng Morena. Mphodise, Morena, foo ke tla fola! Mpholose, foo ke tla phologa! Gonne ke wena yo ke go bakang. Bona, ba nthaya ba re: “Lefoko la Morena le kae? A le ke le tle!” Kana ga ke a thoba mo tirong ya go go disetsa; ga ke a ka ka tlhologelelwa letsatsi la tatlhego, go itse wena! Tse di duleng mo molomong wa me di ne di le fa pele ga sefatlhego sa gago. Se mphetogele yo o ntshosang, wena botshabelo jwa me mo letsatsing la tatlhego. Ba ba mpogisang a ba tlhajwe ke ditlhong, mme e seng nna! A bone ba rerege, mme e seng nna! Fitlhisa letsatsi la tatlhego mo go bone, o ba thubaganye ka tshenyo di le pedi! Morena o ntheile jaana a re: “Yaa ò eme mo kgorong ya batho ba morafe e dikgosi tsa Juta di tsenang le go tswa ka yona, ee, le mo dikgorong tsotlhe tsa Jerusalema, ò ba ree ò re: ‘Utlwang Lefoko la Morena, lona dikgosi tsa Juta le Bajuta botlhe le baagi ba Jerusalema botlhe ba lo tsenang ka dikgoro tse: Morena o bua jaana a re: Itiseng ka ntlha ya maphelo a lona gore lo se ka lwa rwala morwalo ope le e seng go tsena ka ona mo dikgorong tsa Jerusalema ka letsatsi la Sabata! Le gona lo se ka lwa ntsha morwalo mo matlong a lona ka letsatsi la Sabata le e seng go dira tiro epe, mme lo itshepise letsatsi la Sabata, jaaka ke laetse borraeno. Mme ga ba a ka ba utlwa, le e seng go sekega ditsebe, mme ba gagamatsa melala ya bone gore ba se ka ba utlwa, le e seng go amogela kgalemelo.’ ” Jaanong Morena a re: “ ‘E tla re fa lo nkutlwa tota, gore lo se ka lwa tsenya morwalo ka dikgoro tsa motse o ka letsatsi la Sabata; fa lo itshepisa letsatsi la Sabata, gore lo se ka lwa dira tiro epe ka lone, foo dikgosi le dikgosana tse di ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita di tla tsena ka dikgoro tsa motse o, di palame dikoloi le dipitse, tsona le dikgosana tsa tsona le banna ba Juta le baagi ba Jerusalema, mme batho ba tla nna mo motseng o ka bosakhutleng. E bile ba tla tswa mo metseng ya Juta le mo tikologong ya Jerusalema le kwa lefatsheng la Benyamene le kwa nageng e e kwa tlase le kwa dithabeng le kwa borwa, ba ba tlisang setlhabelo sa phiso le se se jewang le tshupelo ya dijo le maswalo, le ba ba tlisang setlhabelo sa tebogo kwa Ntlong ya Morena. Mme e tla re fa lo sa nkutlwe, lo sa itshepise letsatsi la Sabata, fa lo rwala morwalo le go tsena ka ona mo dikgorong tsa Jerusalema ka letsatsi la Sabata, foo ke tla tshuba molelo mo dikgorong tsa gagwe o o tla nyeletsang matlo a borena a Jerusalema, o o sa ka keng wa tingwa ka gope.’ ” Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re: “Nanoga ò fologele kwa ntlong ya mmopi wa dipitsa! Ke tla go utlwisa mafoko a me gona.” Ka fologela kwa ntlong ya mmopi wa dipitsa, ka fitlhela a direla tiro mo leotwaneng le le dikologang. Ka bona nkgo e a e bopang e senyega, jaaka letsopa le a tle le senyegele mo diatleng tsa mmopi; a ba a bopa nkgo e sele gape ka lone jaaka mmopi a fitlhela go mo siametse go e bopa. Ke fa lefoko la Morena le tla kwa go nna le re: “A ga ke a nonofa go dira ka lona Baiseraele jaaka mmopi yo?” go botsa Morena. “Bonang, lona Baiseraele lo mo diatleng tsa me jaaka letsopa le le mo diatleng tsa mmopi. Ka ponyo ya leitlho nka bôpa go kumola setšhaba le bogosi le go di rutla le go di nyeletsa. Mme fa setšhaba seo se ke se bopetseng tatlhego, se boa mo bosuleng jwa sona, foo le nna ke tla thibela tatlhego e ke neng ke ikaeletse go se isa mo go yona. Ka ponyo ya leitlho nka solofetsa setšhaba le bogosi go di aga le go di tlhoma. Mme fa se dira tse di bosula mo matlhong a me, se sa utlwe lentswe la me, ke tla ithibela mo go tse di molemo tse ke ne ke rile, ke tla di se direla. Mme jaanong a ko o ree banna ba Juta le baagi ba Jerusalema o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bonang, ke lo etleeletsa tatlhego, ke lo logela maano a go lo otla. Boang tlhe, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe, lo siamise ditsela tsa lona le ditiro tsa lona!’ Mme ba re: ‘Ga re ka ke! Nnyaya! Re tla latela megopolo ya rona. Mongwe le mongwe o tla dira ka fa logwading lwa pelo e e bosula ya gagwe.’ ” Ke ka moo Morena a buileng jaana a re: “A ko lo botse mo ditšhabeng lo re: ‘Ke mang yo o setseng a utlwile dilo tse di ntseng jaana?’ Lekgarebe la Iseraele le dirile dilo tse di boitshegang thata. A semathana se sesweu se ka gakologa mo lentsweng la thaba ya Heremone? Gongwe a metsi a a maruru a a ntseng a ela a mafatshe a mangwe a ka tšha? Le fa go ntse jalo, batho ba me ba ntebetse, ba fisetsa medimo ya boithamako maswalo e e ba kgopisang mo ditseleng tsa bone, mo ditselaneng tsa kgale gore ba tsamae mo mebileng le mo ditseleng tse di sa baakanngwang gore ba fetole lefatshe la bone theregiso le tshotlego e e sa khutleng. Mongwe le mongwe yo o le ralalang o tla rerega thata, a thukhutha tlhogo. Ke tla ba falatsa fa pele ga mmaba jaaka phefo ya botlhabatsatsi, ke ba lebisa motlhana, e seng sefatlhego, ka letsatsi la tatlhego ya bone.” Ke fa ba re: “Tlayang, a re logeleng Jeremia maano! Gonne thuto ya moperesiti ga e nke e tlhokafala, le e seng kgakololo ya yo o botlhale, le e seng lefoko la moporofeti. Tlayang, a re mo iteeng ka loleme, mme re se ka ra tlhokomela lefoko lepe la gagwe!” Morena, nkele tlhoko, ò utlwe puo ya ba ba lwang le nna! A tse di molemo di na le go lefelwa ka tse di bosula? Gonne ba epetse bophelo jwa me gopo. Gopola gore ke eme fa pele ga gago gore ke bue tse di molemo ka ga bone, gore ke fapose bogale jwa gago mo go bone. Ka moo, bolaisa bomorwaa-bone tlala, o ba neele mo polaong ya tšhaka! A basadi ba bone ba thukhuthwe bana, ba nne batlhologadi! A banna ba bone ba bolawe ke leroborobo, mme makau a bone a rengwe ka tšhaka mo tlhabanong! A go goa go utlwale mo matlong a bone! Ee, a lekoko la babolai le ba tlhasele ka tshoganyetso! Gonne ba epile gopo go ntshwara, ba thaisa maoto a me ka diru. Mme Morena, wena ò itse maikaelelo otlhe a bone a go mpolaya. Se ba itshwarele molato wa bone! Se phimole boleo jwa bone fa pele ga gago! A ba namalale fa pele ga gago ba digilwe! O ba direle jalo ka sebaka sa bogale jwa gago. Morena o ntheile a re: “Yaa o ithekele nkgwana kwa go mmopi, o ye le bagolo bangwe ba morafe le bagolo bangwe ba baperesiti. O fete o tswele kwa mogorogorong wa Morwa Hinome, fa go leng kgoro ya mangetana, o rere mafoko teng a ke tla a go bolelelang. Bua o re: ‘Utlwang Lefoko la Morena, lona dikgosi tsa Juta le lona baagi ba Jerusalema: Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Bonang, ke isa felo fa mo tatlhegong e mongwe le mongwe yo o e utlwelang o tla sumang ditsebe ka yona. Ke ka gonne ba ntlogetse, ba tsenya boheitane mo felong fano, ba fisetsa medimo e sele maswalo gona, e ba neng ba sa e itse, le fa e le borraabo gongwe dikgosi tsa Juta; ba tlatsa felo fano madi a ba ba se nang molato; ba aga dithota tsa tlhabelo tsa ga Baale gore ba fise bomorwaa-bone ka molelo mo go tsona e le ditlhabelo tsa ga Baale tse ke sa di laolang, le e seng go di bua le e seng go di akanya mo pelong.’ ” Ke gona ka moo Morena o buileng a re: “Bonang, malatsi a tla tla, a ka ona felo fano go se kitlang go tlhola go bidiwa ‘Thofethe’ le ‘Mogorogoro wa Morwa Hinome’, mme go tla bidiwa ‘Mogorogoro wa polaelo’. Ke tla silofatsa maikaelelo a Juta le a Jerusalema mo felong fano, ke ba diga ka tšhaka fa pele ga baba ba bone le ka diatla tsa ba ba ratang go ba bolaya, ke naya dinonyane tsa loapi le dibata tsa naga direpa tsa bone gore e nne dijo tsa tsona. Motse o ke tla o dira theregiso le tshotlego; mongwe le mongwe yo o o ralalang o tla rerega thata, a gakgamalela dikotlo tsotlhe tsa ona. Le gona ke tla ba jesa nama ya bomorwaa-bone le nama ya bomorwadia-bone; mongwe le mongwe o tla ja nama ya mongwe-ka-ene. Ba tla nna mo tlalelong le mo pitlaganong, tse baba ba bone ba ba ratang go ba bolaya ba tla ba bogisang ka tsona. “Jaanong o thube nkgwana eo fa pele ga matlho a banna ba ba ileng nao, mme o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ke tla phatlakanya morafe o le motse o jaaka go phatlakanngwa nkgwana ya mmopi e e sa ka keng ya baakanngwa gape. Mme ba tla fitlha baswi mo go Thofethe, ka ba se na manno kwa ba ka ba fitlhang teng. Morena o buile a re: Ke tla direla felo fano le baagi ba gona jalo; ke tla dira motse o gore o tshwane le Thofethe. Matlo a Jerusalema le matlo a dikgosi tsa Juta a tla itshekologa jaaka felo ga Thofethe. Ba fiseditse lesomo lotlhe la legodimo maswalo, ba tshelela medimo e sele ditshupelo tsa noo mo godimo ga matlo aotlhe ao.’ ” Jaanong e rile Jeremia a boa kwa Thofethe, kwa Morena o neng a mo romile teng gore a rere mafoko a Modimo a a tla dirafalang, a feta a ema mo lapeng la Ntlo ya Morena, a raya morafe otlhe a re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla digela tatlhego yotlhe mo motseng o le mo metsaneng ya ona, e ke bopileng go e isa mo go yona; gonne ba gagamaditse melala ya bone gore ba se ka ba utlwa mafoko a me.’ ” Jaanong morwa moperesiti Imere, e bong Phašure, yo e neng e le mookamedi yo mogolo wa Ntlo ya Morena, a utlwa Jeremia a rera mafoko ao. Foo Phašure a itaya moporofeti Jeremia, a mo kudupanya ka go mo golegela mo dikoteng tse di mo kgorong e e godimo ya Benyamene e e gaufi le Ntlo ya Morena. Mme ya re ka moso Phašure a ntsha Jeremia mo kgolegelong eo, Jeremia a mo raya a re: “Morena ga a tlhole a go bitsa Phašure, mme o tla go bitsa ‘Therego-tikologong’. Gonne Morena o buile jaana a re: ‘Bona, ke tla go dira moipoifi, ke go dira theregiso mo ditsaleng tsotlhe tsa gago. Ba tla wa ka tšhaka ya baba ba bone fa pele ga matlho a gago. Mme ke tla neela Bajuta botlhe mo seatleng sa kgosi ya Babele gore e ba ise mo botshwarong kwa Babele, e ba reme ka tšhaka. Mme maruo otlhe a motse o le dithoto tsotlhe tsa ona le dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwa e kgolo tsa ona, le mahumo otlhe a dikgosi tsa Juta ke tla di neela mo diatleng tsa baba ba bone; ba tla di thopa, ba di tsaya, ba di isa kwa Babele. Le wena Phašure le baagi botlhe ba ntlo ya gago lo tla ya mo botshwarong; o tla goroga kwa Babele, o swela gona, o fitlhwa gona, wena le ditsala tsotlhe tsa gago tse o di reretseng maaka.’ ” Morena, ò nkgonne, ka ineela; ò no o le thata bogolo go nna, wa mphenya. Ke fetogile yo o tshegwang letsatsi lotlhe; botlhe ba a ntshotla. Gonne ka nako nngwe le nngwe, fa ke bua, ke na le go goa le go kua ke re: “Kgatelelo le tshenyo!” Gonne Lefoko la Morena le mphetogetse kgobo le tshotlo ka malatsi otlhe. Jaanong fa ke re: “Ga nkitla ke tlhola ke mo gopola le e seng go bua mo leineng la gagwe,” foo go nne jaaka molelo o o fisang mo pelong ya me, o o tswaletsweng mo marapong a me. Ke itapisitse go itshoka, mme ke paletswe. Therego e mo tikologong! Gonne ke utlwetse ba bantsi ba ntsheba ba re: “Mmegeng, re rata go mo teba.” Batho botlhe ba ba phelang le nna ka kagiso ba lalela phoso ya me. Ba re: “Ka gongwe o tla raelega gore re mo fenye, re mo ipusolosetse.” Mme Morena o na le nna a le senatla se se boitshegang; ka moo ba ba ntebelang ba tla wa, ba sa fenye. Ba tla tlhajwa ke ditlhong tse dikgolo, gonne ga ba a kgona sepe. Ke kgala e e sa khutleng e e sa lebalweng. Wena Morena wa masomosomo yo o tlhatlhobang mosiami, yo o bonang diphilo le pelo, nte ke bone pusoloso ya gago mo go bone, gonne ke go neetse kgang ya me ka go go ikanya. Opelelang Morena! Tumisang Morena! Gonne o pholositse bophelo jwa mohumanegi mo diatleng tsa ba ba pelompe. A go rogakwe letsatsi le ke tsetsweng ka lone! A letsatsi le mmê o mpelegeng ka lone le se ka la tshegofadiwa! A go rogakwe monna yo o neng a begela rre mafoko a boitumelo a re: “O tsaletswe ngwana wa mosimane!” yo o neng a mo itumedisa thata. A monna yoo a nne jaaka metse e Morena o kileng a e ribegetsa, a sa e utlwele botlhoko! A a utlwe go goa mo mosong le mokgosi wa ntwa motshegare, ka a se ka a mpolaela mo mmeleng wa ga mmê! Foo mmê e ka bo e le phupu ya me; foo o ka bo a le moimana ka bosakhutleng. Kana ke ne ke tsalelwang gore ke bone tapisego le bohutsana, mme malatsi a me a fete ka ditlhong? Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng, motlhang kgosi Setekia a romang Phašure, morwa Malekhia, le moperesiti Sefanya, morwa Maaseya, kwa go ene a re: “A ko o re boletse Morena. Gonne Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o tlhabana le rona. A ka gongwe Morena o tla re direla ka fa ditirong tse di gakgamatsang tsa gagwe gore a re tlogele?” Ke fa Jeremia a ba raya a re: “Fetolang Setekia jaana lo re: ‘Morena, Modimo wa Iseraele, o buile jaana a re: Bonang, dibolai tse lo di tshotseng tse lo tlhabanang ka tsona le kgosi ya Babele le Bakalatea ba ba lo dikaganyetsang ka ntwa, ke tla di busa ka kwa ntle ga lobota, ke di phuthela mo teng ga motse o. Mme nna ka nosi ke tla lwa le lona ka seatla se se otlologileng le ka letsogo le le thata le ka bogale jo bo tukang, ke gaketse thata. Mme ke tla bolaya baagi ba motse o, e leng batho le diruiwa, gore ba swe ka leroborobo.’ ” Gape Morena a re: “ ‘Setekia, kgosi ya Juta, le batlhanka ba gagwe, le morafe – e bong botlhe ba ba phologileng mo motseng o, ba ba sa bolawang ke leroborobo gongwe tšhaka gongwe tlala – morago ga moo ke tla ba neela mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, le mo diatleng tsa baba ba bona le mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya; mme ene o tla ba itaya ka tšhaka e e bogale, a sa ba utlwele botlhoko, a sa ba rekegele, a sa ba tlhomogele pelo.’ “Mme o ree morafe o ò re: ‘Morena o bua jaana a re: Bonang, ke baya tsela ya bophelo le tsela ya loso fa pele ga lona. Yo o salang mo motseng o, o tla swa ka tšhaka gongwe ka tlala gongwe ka leroborobo; mme yo o tswelang kwa go Bakalatea ba ba lo dikanyetsang ka ntwa, a ineela mo go bona, ene o tla phela, a ithopela bophelo. Gonne ke lebisitse sefatlhego sa me mo motseng o, go o isa mo tatlhegong, e seng mo kagisong. Morena o buile jalo. O tla neelwa mo diatleng tsa kgosi ya Babele gore e o fise ka molelo.’ “Gape o ree ba lapa la kgosi ya Juta o re: ‘Utlwang Lefoko la Morena! Lona ba ntlo ya ga Dafita! Morena a re: Atlholang ka tshiamo mo mosong mongwe le mongwe, lo pholose yo o thukhuthilweng mo diatleng tsa mogateledi, e se re gongwe bogale jwa me jwa gakala jaaka molelo, jwa tuka mo go se nang ope yo o ka bo timang ka ntlha ya ditiro tse di bosula tsa lona. Bona, ke tla go tlhasela, wena yo o agileng mo mogorogorong; wena lefika leboeng. Morena o raya lona ba lo reng: Ke mang yo o tla fologang, a re lwantsha? Ke mang yo o ka tsenang mo meagong ya rona e e femetsweng? Ke tla lo betsa ka fa maungong a ditiro tsa lona. Morena o buile jalo. Ke tla tshuba molelo mo sekgweng sa gagwe o o tla nyeletsang tsotlhe tse di mo tikologong ya gagwe.’ ” Morena o bua jaana a re: “Fologela kwa ntlong ya kgosi ya Juta, o bue gona lefoko le ò re: ‘Utlwa Lefoko la Morena, wena kgosi ya Juta, yo ò ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita, wena le batlhanka ba gago ba ba tsenang ka dikgoro tse: Morena o bua jaana a re: Dirang ka tshiamo le ka molao, lo golole yo o thukhuthilweng mo diatleng tsa mogateledi. Lo se ka lwa senyetsa baeng le masiela le batlholagadi, se ba gateleleng le e seng go tsholola madi a a se nang molato mo felong fano. Gonne fa lo dira tseo ka nnete, dikgosi tse di ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita di tla tsena ka dikgoro tsa ntlo e, di palame dikoloi le dipitse, tsona le batlhanka ba tsona le morafe wa tsona. Mme fa lo sa utlwe mafoko a, gona ke ikanne ka nna ka re: Ntlo e ya borena e tla nna lesope fela. Morena o buile jalo.’ ” Morena o bua jaana ka ga ntlo ya kgosi ya Juta a re: “O Gileate mo go nna le setlhoa sa Lebanone. Ruri, ke tla go dira sekaka sa metse e e se nang banni. Ke tla go romela basenyi, mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe, gore ba reme mesetere e mentlentle ya gago, ba e latlhele mo molelong. “Jaanong e tla re fa ditšhaba tse dintsi di feta fa motseng o, di botsana di re: ‘Motse o mogolo o Morena o o diretse jalo ka ntlhaang?’ di bolelelwe go twe: ‘Ke ka gore ba ne ba tlogetse kgolagano ya Morena, Modimo wa bone, ba obamela medimo e sele, ba e direla.’ ” Se leleleng moswi, se mo hutsafaleleng! Bogolo lelelang yo o tsamaileng! Gonne ga a kitla a tlhola a boa, le e seng go bona lefatshe la ga gabo gape. Gonne Morena o bua jaana ka ga Sadume, morwa Josia, kgosi ya Juta, yo o busang boemong jwa ga Josia rraagwe, yo o tlogileng mono, a re: “Ga a kitla a tlhola a boela kwano. Mme o tla swela mo felong kwa ba mo isitseng teng mo botshwarong; ga a kitla a tlhola a bona lefatshe leno.” “A tatlhego ya gagwe wee yo o agang ntlo ya gagwe ka bokgopo le matlwana a gagwe a a tlhatlaganyeng ka tshiamololo, yo o direlwang ke mongwe-ka-ene lefela, a sa mo nee tuelo ya gagwe. Yo o reng, ke tla ikagela ntlo e kgolo le matlwana a a kwa godimo a a atlhameng; yo o itirelang difenstere tse dikgolo, a e manega dipati tsa mesetere, a e hubitsa ka letsoku. A o ithaya o re, ke jona bogosi, fa o tlhoafala go aga ka mesetere? Rraago a ga a ja, a ga a nwa? Mme a dira ka tshiamo le ka molao; ka moo a phela sentle. O ne a atlholela mmogisegi le mohumanegi ka tshiamo; ka moo ga phelwa sentle. A ga se gona go nkitse?” go botsa Morena. “Mme matlho a gago le pelo ya gago di batla kgwebo ya gago ya tshiamololo fela, le go tsholola madi a a se nang molato, le go gatelela le go patika.” Ke gona ka moo Morena o buang jaana ka ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, a re: “Ga ba kitla ba mo hutsafalela ba re: ‘Ijoo, morwa-rraetsho!’ Gongwe: ‘Ijoo, kgaitsadia-rona!’ Ga ba kitla ba mo lelela ba re: ‘Ijoo, morena!’ Gongwe: ‘Ijoo, kgalalelo ya gagwe!’ O tla fitlhwa jaaka go epelwa esele; ba tla mo goga fa fatshe, ba mo latlhela kgakala le dikgoro tsa Jerusalema.” “Tlhatlogela kwa godimo ga Lebanone o goe; o utlwatse lentswe mo Basane! Ee, goa o le mo dithabeng tsa Abarime, gonne baratiwa botlhe ba gago ba robagantswe. Ke buile nao, fa o sa ntse o phela sentle, mme wa re: ‘Ga ke rate go utlwa.’ Ke ona mokgwa wa gago go tswa bonyaneng jwa gago: O ne o ntse ò sa utlwe lentswe la me. Phefo e tla gogola badisa botlhe ba gago, baratiwa ba gago ba tla ya mo botshwarong. Ee, foo o tla tlhajwa ke ditlhong, o swaba ka ntlha ya bosula jotlhe jwa gago. Wena yo o ntseng mo Lebanone, yo o ikagetseng sentlhaga mo mesetereng, o tla tlhomola pelo jang, fa o tlelwa ke metlotsedi, fa o le botlhokong jaaka mosadi yo o belegang. “Ka bophelo jwa me,” go bua Morena, “le fa Gonya, morwa Joyakime, kgosi ya Juta, e ka bo e le palamonwana e e kanang mo seatleng sa me se se jang, ke tla go somola, ke go neela mo diatleng tsa ba ba ratang go go bolaya, mo diatleng tsa ba o ba boifang, e bong mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mo diatleng tsa Bakalatea. Mme wena le mmaago yo o go belegeng ke tla lo latlhela kwa lefatsheng le sele le lo sa tsalelwang mo go lone; lo tla swela teng. Mme lefatshe le ba tlhologeletsweng go boela kwa go lone ga ba kitla ba boela gona.” A Gonya, monna yoo, ke sebopiwa se se nyatsegang se se pšhwetlakanngwang? Gongwe a ke nkgo e e sa kgatlheng ope? Ke ka ntlhaang, fa ene le ba losika lwa gagwe ba konopelwa, ba latlhelwa kwa lefatsheng le ba sa le itseng? Ao! Lefatshe! Lefatshe! Lefatshe! Utlwa Lefoko la Morena! Morena o buile a re: “Kwalang ka ga monna yoo lo re: ‘Ga a na bana; ga se monna yo o tlhogonolo mo malatsing a gagwe. Gonne ga go na ope wa losika lwa gagwe yo o tla bonang letlhogonolo la go nna mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita, la go busa Juta gape.’ ” A tatlhego wee ya badisa ba ba timetsang dinku tsa mafulo a me, ba di falatsa! Morena o buile jalo. Ke ka moo Morena, Modimo wa Iseraele, o buang jaana ka ga badisa ba ba disang morafe wa me a re: “Lona lo faladitse dinku tsa me, lwa di leleka, lwa se ka lwa di tlhola. Bonang, ke tla lo beletsa ditiro tse di bosula tsa lona. Morena o buile jalo. Mme ke tla phutha masalela a dinku tsa me ka nosi mo mafatsheng aotlhe kwa ke di leleketseng gona; ke tla di busetsa mo mafulong a tsona; di tla ata, di ntsifala. Le gona ke tla di beela badisa ba ba di fudisang, mo di sa tlholeng di boifa le e seng go rerega le e seng go tlhokafala.” Morena o buile jalo. “Bonang, malatsi a e tla,” go bua Morena, “a ke tla tsosetsang Dafita letlhogela le le siameng ka ona. E tla nna kgosi e e busang ka botlhale, e e dirafatsang tshiamo le molao mo lefatsheng. Mo malatsing a yona Juta o tla pholosiwa, Iseraele o tla nna mo tshireletsong. ‘Morena ke tshiamo ya rona’, ke lone leina la gagwe le ba tla mmitsang ka lone. “Ka moo, bonang, malatsi a tla tla,” go bua Morena, “motlhang ba sa tlholeng ba re: ‘Ka bophelo jwa Morena yo o ntshitseng Baiseraele kwa lefatsheng la Egepeto!’ Mme ba tla re: ‘Ka bophelo jwa Morena yo o ntshitseng losika lwa Baiseraele kwa lefatsheng la bokone le mo mafatsheng aotlhe kwa a ba leleketseng teng, a ba busetsa kwano gae gore ba nne mo nageng ya bone.’ ” Ke phatlogile pelo ka ntlha ya baporofeti. Marapo a me a tetesela aotlhe. Ke tshwana le monna yo o tagilweng, le monna yo weine e mo fentseng, ka ntlha ya Morena le ka ntlha ya mafoko a gagwe a a boitshepo. Gonne lefatshe le tletse ba ba senyang nyalo. Ee, lefatshe le hutsafala ka ntlha ya thogako, mafulo a naga a swabile. Mme tse ba di sianelang di bosula fela; bonatla jwa bone ke bolotsana fela. “Ee, le fa e le moporofeti gongwe moperesiti, ke baikepi fela. Ke fitlhetse bosula jwa bone mo Ntlong ya me.” Morena o buile jalo. “Ka moo ditsela tsa bone di tla ba fetogela mareledi bosigo; ba tla kgweediwa, ba wa mo go ona. Gonne ke tla ba tlisetsa tatlhego ka ngwaga o ke ba otlang ka ona.” Morena o buile jalo. “Ee, ke bonye boatla mo baporofeting ba Samaria. Ba ne ba ruta ka thata ya Baale, ba timetsa Iseraele, morafe wa me. Mme mo baporofeting ba Jerusalema ke bonye tse di boitshegang: Ba senya nyalo, ba sepela ka maaka, ba tiisa diatla tsa basenyi gore go se ka ga boa ope mo bosuleng jwa gagwe. Mo go nna ba tshwana botlhe le ba Sotoma, le baagi ba teng ba ntse jaaka ba Gomora.” Ke ka moo Morena wa masomosomo a buang jaana ka ga baporofeti a re: “Bonang, ke tla ba jesa longana, ke ba nosa metsi a a botlhole. Gonne boikepo bo dule mo baporofeting ba Jerusalema, jwa tswela mo lefatsheng lotlhe.” Morena wa masomosomo o buile jaana a re: “Se utlweng baporofeti ba ba lo rerelang! Gonne ba lo solofetsa maaka fela, ba bolela pono e e tswang mo dipelong tsa bone, e seng mo molomong wa Morena. Ba ntse ba raya ba ba nnyatsang ba re: ‘Morena a re: Kagiso e tla nna le lona;’ ba raya botlhe ba ba sepelang mo thatafalong ya dipelo tsa bone ba re: ‘Ga go na kotsi e e ka lo welang.’ ” Gonne ke mang yo o neng a ema mo lekgotleng la Morena, a lemoga, a utlwa lefoko la gagwe? Ke mang yo o reeditseng lefoko la gagwe, a le utlwa? Bonang, ledimo la Morena le bolotse, ke bogale jo bo tukang; sefefo se se boitshegang se tla tlhasela ditlhogo tsa baikepi. Bogale jwa Morena ga bo kitla bo didimala a ise a dirafatse, a fetse maikaelelo a pelo ya gagwe. Lo tla lemoga sentle mo malatsing a bofelo. “Ga ke a roma baporofeti ba, mme ba a itlhaganela; ga ke a bua nabo, mme ba a rera. Fa ba ka bo ba tswa go ema mo lekgotleng la me, foo ba ka bo ba rerela morafe wa me mafoko a me, ba ba ntsha mo ditseleng tsa bone tse di bosula le mo ditirong tsa bone tse dimpe. “A ke Modimo o o gaufi fela?” go botsa Morena. “A ga ke Modimo o o ka nnang kgakala? Gongwe a motho o ka iphitlha mo maiphitlhong, ke sa mmone?” go botsa Morena. “A ga se nna ke leng gongwe le gongwe mo legodimong le mo lefatsheng?” Morena o bua jalo. “Ke utlwile sentle se baporofeti ba se buang, ba ba rerang maaka mo leineng la me ba re: ‘Ke lorile! Ke lorile!’ Go tla nna teng go fitlha leng mo dipelong tsa baporofeti ba ba rerang maaka, ba e leng baporofeti ba boitsietso jwa dipelo tsa bone, go loga maano a go lebatsa morafe wa me leina la me ka ditoro tsa bone tse ba di bolelelanang, jaaka borraabo ba lebetse leina la me ka ntlha ya ga Baale? Moporofeti yo o nang le toro a a bolele toro e e leng ya gagwe! Mme yo o nang le lefoko la me a a bolele lefoko la me ka nnete! Moko o tlhakanela eng le mabele?” go botsa Morena. “Lefoko la me a ga le a nna jaaka molelo? A ga le tshwane le noto e e tšhwetlakanyang mafika?” go botsa Morena. “Ka moo, bonang, ke tla tsogela baporofeti ba ba utswang mafoko a me, mongwe mo go yo mongwe.” Morena o bua jalo. “Bonang, ke tla tlhasela baporofeti ba ba buang mafoko a bone, mme ba re: ‘Morena o bua jalo.’ Bonang, ke tla ba otla ba ba rerang ditoro tsa maaka,” go bua Morena; “ba a di bolela, ba timetsa morafe wa me ka maaka a bone le ka boikgantsho jwa bone; mme nna ga ke a ba roma, ga ke a ba laela sepe; le go thusa morafe o, ga ba o thuse sepe.” Morena a re jalo. “Jaanong fa morafe o, o go botsa, le fa e le moporofeti gongwe moperesiti, ba re: ‘Taelo ya Morena e a reng?’ o ba ree o re: ‘Lona lo morwalo, mme ke tla lo rola, ke lo latlha.’ ” Morena o bua jalo. “Mme moporofeti gongwe moperesiti yo o reng: ‘Morwalo wa Morena,’ motho yo, ke tla mmetsa le ba lapa la gagwe. Lo tshwanetse go buisanya jaana le go botsana jaana lwa re: ‘Morena o arabile a reng?’ Gongwe: ‘Morena o buile a reng?’ Lo se ka lwa tlhola lo dirisa lefoko le le reng: ‘Morwalo wa Morena’; gonne lefoko le e tla nna morwalo mo go mongwe le mongwe. Le gona lo ka bo lo sokamisa mafoko a Modimo o o phelang, a Morena wa masomosomo, a Modimo wa rona. Botsa moporofeti jaana o re: ‘Morena o go arabile a reng?’ Gape: ‘Morena o buile a reng?’ Jaanong e re ka lo bua lo re: ‘Morwalo wa Morena,’ ka moo Morena o bua jaana a re: E re ka lo bua lefoko le le reng: ‘Morwalo wa Morena,’ le fa ke lo rometse lefoko le le reng: Lo se ka lwa bua lwa re: ‘Morwalo wa Morena’; ka moo, bonang, ke tla lo tsholetsa jaaka morwalo, ke lo latlha, le ona motse o ke o lo neileng le borraeno, gore lo tloge mo sefatlhegong sa me. Ke tla o tlhabisa ditlhong tse di sa khutleng, ke lo neela mo nyatsegong e e sa feleng, e e sa lebalweng ka gope.” Morena o ne a mpontsha pono, ka bona ditlatlana di le pedi tse di nang le difeie; di beilwe fa pele ga Tempele ya Morena. – E ne e le fa Nebukatenesare, kgosi ya Babele, a sena go tlosa Jegonya, morwa Joyakime, kgosi ya Juta, le dikgosana tsa Juta, le ditswerere, le bathudi mo Jerusalema le go ba isa mo botshwarong kwa Babele. Tlatlana ya ntlha e ne e na le difeie tse di monate thata jaaka difeie tsa mabutswapele. Mme tlatlana e nngwe e ne e na le difeie tse dimpe thata tse di sa ka keng tsa jewa, ka di le dimpe thata. Ke fa Morena a nthaya a re: “O bona eng, Jeremia?” Ka re: “Difeie. Difeie tse di monate di molemo thata; tse dimpe di dimpe thata, mo motho o palelwang ke go di ja, ka di le dimpe thata.” Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go nna le re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke tla leba batshwarwi ba Juta ba ke ba tlositseng mono, ka ba romela kwa lefatsheng la Bakalatea ka bopelonomi jaaka difeie tse di monate tse. Ke tla lebisa matlho a me mo go bone gore ke ba direle molemo, ke ba busetse mo lefatsheng leno. Ke tla ba agisa, mme ke sa ba rutle; ke tla ba tlhoma, mme ke sa ba kumole. Gape, ke tla ba naya dipelo tse di nkitseng, fa ke le Morena. Ba tla nna morafe wa me, nna ke tla nna Modimo wa bone. Gonne ba tla boela kwa go nna ka pelo yotlhe. “ ‘Mme Setekia, kgosi ya Juta, le dikgosana tsa gagwe le masalela a Jerusalema le ba ba sadisitsweng mo lefatsheng leno le ba ba agileng kwa lefatsheng la Egepeto, ke tla dira gore ba tshwane le difeie tse di bodileng tse di sa jeweng ke motho, ka di le bosula thata.’ ” Ke tse Morena o di buileng. “ ‘Ee, ke tla ba dira theregiso le kotsi mo magosing otlhe a lefatshe; ke tla ba dira kgobo le seane le tshotlo le thogako mo mafelong otlhe kwa ke ba lelekelang teng. Ke tla ba romela tšhaka le tlala le leroborobo go ya go fitlhelela ba felelediwe mo lefatsheng le ke le ba neileng le borraabo.’ ” Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia ka ga morafe otlhe wa Juta mo ngwageng wa bone wa ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta; ke ona ngwaga o Nebukatenesare o simolotseng go busa kwa Babele ka ona; le moporofeti Jeremia o le buileng le morafe otlhe wa Juta le baagi botlhe ba Jerusalema a re: “Lefoko la Morena le sa le le tla kwa go nna go tloga ka ngwaga wa 13 wa ga Josia, morwa Amone, kgosi ya Juta, go fitlhelela letsatsing la kajeno; e setse e le dinyaga di le 23 ke ntse ke bua le lona ka tlhoafalo, mme ga lo a ka lwa utlwa. Le gona Morena o lo rometse batlhanka botlhe ba gagwe ka tlhoafalo, e leng baporofeti, mme ga lo a ka lwa utlwa le e seng go sekega ditsebe gore lo utlwe. Ba lo raya ba re: ‘Boang tlhe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula le mo bokgopong jwa ditiro tsa lona; foo lo tla nna lo aga mo lefatsheng leno le Morena o le lo neileng go tloga bogologolo go ya bosakhutleng. Se saleng medimo e sele morago go e direla le go e obamela; se ntlhotlheletseng bogaleng ka tiro ya diatla tsa lona gore ke se ka ka lo direla bosula.’ Mme ga lo a ka lwa nkutlwa, mme lo ntlhotlheleditse bogaleng ka tiro ya diatla tsa lona, lwa itirela molato.” Morena a re jalo. Ke ka moo Morena wa masomosomo a buang jaana a re: “E re ka lo se ka lwa utlwa mafoko a me, bonang, ke tla romela kwa ditsong tsotlhe tsa bokone le kwa go Nebukatenesare, kgosi ya Babele, motlhanka wa me, ke ba tsaya, ke ba tlisa kwano gore ba tlhabane le lefatshe leno le baagi ba lone le ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya lone. Mme bana ke tla ba hutsa gore ba latlhege, ke ba dira theregiso le tshotlego le nyatsego e e sa khutleng.” Go bua Morena. “Ke tla fedisa mo go bona moduduetso le boitumelo le lentswe la monyadi le lentswe la monyalwa le modumo wa tshilo le lesedi la lobone. Lefatshe lotlhe le tla fetoga marope le sekaka, mme ditšhaba tse, di tla direla kgosi ya Babele dinyaga tse di 70. Mme e tla re dinyaga di le 70 di sena go feta, ke beletse kgosi ya Babele le setšhaba seo ditshiamololo tsa bone; lefatshe la Bakalatea ke tla le fetola sekaka se se sa khutleng.” Morena a re jalo. “Mme ke tla dirafaletsa lefatshe leo mafoko a me otlhe a ke a buileng ka ga lone, mafoko otlhe a a kwadilweng mo bukeng e, a Jeremia o a buileng ka ga ditšhaba tsotlhe. Mme le bao ba tla dirwa batlhanka ba ditšhaba tse di thata le ba dikgosi tse dikgolo. Ke tla ba busetsa jalo ka fa ditirong tsa bone le ka fa go direng ga diatla tsa bone.” Gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o buile jaana le nna a re: “Senwelo se sa weine ya bogale, se tsee mo seatleng sa me, o se nose ditšhaba tsotlhe tse ke go romelang kwa go tsona gore di nwe, di thekesele, di tsenwe ka ntlha ya tšhaka e ke tla e romelang kwa go tsona.” Foo ka tsaya senwelo mo seatleng sa Morena, ka nosa ditšhaba tsotlhe tse Morena a nthometseng kwa go tsona, e bong Jerusalema le metse ya Juta le dikgosi tsa teng le dikgosana tsa teng go e fetola marope le go di dira theregiso le tshotlo le thogako jaaka go ntse kajeno. Ka nosa Farao, kgosi ya Egepeto, le batlhanka ba gagwe le dikgosana tsa gagwe le morafe otlhe wa gagwe; le makgoba otlhe, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe la Use, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe la Bafelesita, le Ašekalone le Gasa le Ekerone le masalela a Ašetote; le Etomo le Moabe le Baamone; le dikgosi tsotlhe tsa Tiro le dikgosi tsotlhe tsa Sitone le dikgosi tse di fa losing kwa moseja ga lewatle; le Detane le Thema le Buse le botlhe ba ba sekotsweng tlhogo; le dikgosi tsotlhe tsa Arabia le dikgosi tsotlhe tsa makgoba a a nnang mo sekakeng; le dikgosi tsotlhe tsa Simeri le dikgosi tsotlhe tsa Elame le dikgosi tsotlhe tsa Media; le dikgosi tsotlhe tsa kwa bokone tse di gaufi le tse di kgakala ka go latelana ga tsona. Ee, ka nosa magosi otlhe a lefatshe a a leng teng mo lefatsheng, mme kgosi ya Sesage e tla nwa morago ga tsona. – Mme o ba ree o re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Nwaang lo tagwe, lo kgwe; waang, mme lo se ka lwa tsoga gape, ka ntlha ya tšhaka e ke e romelang mo go lona.’ Mme e re fa ba gana go amogela senwelo mo seatleng sa gago le go nwa, o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ruri, lo tshwanetse go nwa. Gonne bonang, ke simolola ka motse o o bidiwang ka leina la me go o otla ka tatlhego; a lona lo ka falola, lo sa bediwe? Ruri, lo tla bediwa! Gonne ke tla bitsa tšhaka gore e itee baagi botlhe ba lefatshe. Morena wa masomosomo o buile jalo.’ “Mme wena o ba rerele mafoko otlhe a, o ba ree o re: “ ‘Morena o tla duma a le kwa godimo; o tla utlwatsa tumo ya gagwe go tswa moagong o o boitshepo wa gagwe; o tla rora ka ntlha ya Tempele ya gagwe mo go boitshegang; o tla tlhabela baagi botlhe ba lefatshe mokgosi jaaka ba ba gatang maungo a moweine. Loratla lwa ntwa lo tla utlwala go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe; gonne Morena o na le kgang le ditšhaba, o sekisa batho botlhe, mme baikepi o tla ba neela mo tšhakeng.’ Morena a re jalo.” Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Bonang, tatlhego e tla wela ditšhaba ka tatelano ya tsona; ledimo le legolo le tla tsosiwa kwa mafelelong a lefatshe. Ka letsatsi leo ba ba bolailweng ke Morena ba tla fitlhelwa go tswa ntlheng nngwe ya lefatshe go fitlha kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe; ga ba kitla ba hutsafalelwa le e seng go tlosiwa le e seng go fitlhwa; ba tla nna letshotelo fela mo nageng. “Goang, lona badisa, bokolelang, lo ipidikanye mo leroleng, lona barena ba letsomane. Malatsi a fitlhile a lo tlhajwang ka ona gore lo we, lo tšhwetlakanngwe jaaka dinkgo tse dintle. Mme badisa ba tla tlhoka fa ba tshabelang teng; barena ba letsomane ga ba na go falola. Reetsa! Badisa ba a goa; barena ba letsomane ba a lela; gonne Morena o sentse mafulo a bone. Meraka e e neng e le mo kagisong e fetotswe sekaka ka bogale jo bo tukang jwa Morena. O tlogetse dikhu tsa gagwe jaaka tawana; ee, lefatshe la bone le fetotswe sekaka ka tšhaka e e setlhogo le ka bogale jwa gagwe jo bo tukang.” E rile mo tshimologong ya puso ya ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, ga tswa lefoko le kwa Moreneng, la tla kwa go Jeremia la re: “Morena o bua jaana a re: ‘Yaa o eme mo lapeng la Ntlo ya Morena, o rerele ba metse yotlhe ya Juta ba ba tlang go obamela mo Ntlong ya Morena mafoko aotlhe a ke go laetseng go a ba bolelela; se lobe lefoko lepe! Ka gongwe ba tla utlwa, ba boa, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe; foo ke tla latlha thupa e ke neng ke ikaeletse go ba otla ka yona ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa bone.’ “O ba ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Fa lo sa nkutlwe, fa lo sa sepele ka fa molaong wa me, o ke o le neileng, fa lo sa utlwe mafoko a baporofeti, batlhanka ba me, ba ke ntseng ke ba romela kwa go lona ka tlhoafalo – mme kana ga lo a ka lwa nkutlwa ka gope – foo ke tla direla Ntlo e jaaka Silo. Mme motse o ke tla o dira thogako mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe.’ ” Mme baperesiti le baporofeti le morafe otlhe ba utlwa Jeremia a bua mafoko a mo Ntlong ya Morena. Jaanong e rile Jeremia a sena go fetsa go bua tsotlhe tse Morena o di mo laetseng gore a di rerele morafe otlhe, baperesiti le baporofeti le batho botlhe ba mo tshwara ba re: “O tshwanetse go swa! Ke ka ntlhaang, fa o rera mo leineng la Morena o re: ‘Ntlo e, e tla direlwa jaaka Silo, le motse o o tla ntshiwa marope fela, go sa tlhole go nna ope mo go ona’?” Ke fa morafe otlhe o kgobokanela Jeremia mo Ntlong ya Morena go mo lwantsha. Jaanong ya re dikgosana tsa Juta di utlwa dilo tseo, tsa tloga kwa ntlong ya kgosi tsa ya kwa Ntlong ya Morena, tsa nna fa mojakong wa kgoro e ntšhwa ya Ntlo ya Morena. Ke fa baperesiti le baporofeti ba raya dikgosana le morafe otlhe ba re: “Monna yo, o tshwanetse go atlholelwa loso! Gonne o reretse motse o tatlhego jaaka lo utlwile ka ditsebe tsa lona.” Mme Jeremia a raya dikgosana tsotlhe le morafe otlhe a re: “Morena o nthomile gore ke rerele Ntlo e le motse o tatlhego ka mafoko otlhe a lo a utlwileng. Jaanong siamisang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona, lo utlwe lentswe la Morena, Modimo wa lona! Foo Morena o tla boa bogaleng, a sa lo otle jaaka a lo bopetse. Fa e le nna, bonang, ke mo diatleng tsa lona. Dirang ka nna jaaka go le molemo le tshiamo mo matlhong a lona! Fela lo tshwanetse go itse gore, fa lo mpolaya, lo itirela molato wa madi a a se nang molato, mmogo le motse o le baagi ba ona; gonne ka boammaaruri Morena o nthomile kwa go lona gore ke bue mafoko aotlhe a mo ditsebeng tsa lona.” Ke fa dikgosana le morafe otlhe ba raya baperesiti le baporofeti ba re: “Monna yo ga a tshwanelwa ke go atlholelwa loso. Gonne o buile le rona mo leineng la Morena, Modimo wa rona.” Le gona banna bagolo ba lefatshe ba ema, ba raya phuthego yotlhe ya morafe ba re: “Miga wa Morešethe o ne a rera mo malatsing a ga Hesekia, kgosi ya Juta, a raya morafe otlhe wa Juta a re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “ ‘Sione o tla lengwa jaaka tshimo, le Jerusalema o tla fetoga marope, le thaba ya Tempele e tla nna thaba ya sekgwa fela.’ “Jaanong a Hesekia, kgosi ya Juta, le Bajuta botlhe ba mmolaile? A ga ke re, o ne a boifa Morena, a kopa bopelothomogi fa pele ga Morena! Ke fa Morena a fetola maikaelelo a gagwe, a sa ba ise mo tatlhegong jaaka a ba bopetse. Jaanong a rona re ka dira bosula jo bo kana, ra ikisa ka rosi mo tatlhegong?” Le gona go ne go le monna yo mongwe yo o neng a rera mo leineng la Morena, e bong Uria, morwa Semaya, wa kwa Khiriathe-Jearime; a rerela motse o le lefatshe le tatlhego fela jaaka Jeremia. Jaanong e rile kgosi Joyakime le bagale botlhe ba gagwe le dikgosana tsotlhe tsa gagwe ba utlwa mafoko a gagwe, kgosi ya batla go mmolaya. Ya re Uria a utlwa jalo, a boifa, a tshaba, a falolela kwa Egepeto. Ke fa kgosi Joyakime a roma banna kwa Egepeto, e leng Elenathane, morwa Agebore, le banna ba bangwe nae kwa Egepeto. Bao ba tshwara Uria, ba mo ntsha kwa Egepeto, ba mo tlisa kwano go kgosi Joyakime; ene a mmolaya ka tšhaka, a latlhela setoto sa gagwe kwa mabitleng a ba e leng batho fela. Mme seatla sa ga Ahikame, morwa Safane, se ne sa sireletsa Jeremia gore a se ka a neelwa mo diatleng tsa morafe, le e seng go bolawa ke ona. E rile mo tshimologong ya puso ya ga Setekia, morwa Josia, kgosi ya Juta, ga tswa lefoko le kwa Moreneng, la tla kwa go Jeremia la re: Morena o ntheile jaana a re: “Itirele dikgole le dijoko, o di rwale mo thamong. Le gona o romele mafoko kwa kgosing ya Etomo le kwa kgosing ya Moabe le kwa kgosing ya Baamone le kwa kgosing ya Tiro le kwa kgosing ya Sitone ka barongwi ba tsona ba ba tlileng mono Jerusalema kwa go Setekia, kgosi ya Juta. Mme o ba laele gore ba bolelele barena ba bone ba re: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Rayang barena ba lona jaana lo re: Ke nna ke dirileng lefatshe le batho le diphedi tse di mo lefatsheng ka thata e kgolo ya me le ka letsogo la me le le otlologileng; ke di naya yo o siametseng matlho a me. Mme jaanong ke nna ke neetseng mafatshe aotlhe a mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, motlhanka wa me; le gona ke mo neetse diphedi tsa naga gore di mo direle. Ditšhaba tsotlhe di tla mo direla le morwawe le morwa-morwawe go ya go fitlhela sebaka sa lefatshe la gagwe se tle le sona; foo ditšhaba tse di thata le dikgosi tse dikgolo di tla le thopa, di le busa. “ ‘Mme bogosi le setšhaba se se sa direleng ene Nebukatenesare, kgosi ya Babele, se se sa tsenyeng thamo ya sone mo jokong ya kgosi ya Babele, setšhaba seo ke tla se betsa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo go ya go fitlhelela ke ba neele fa gotlhe mo diatleng tsa gagwe.’ Morena o bua jalo. ‘Mme lona, se utlweng baporofeti ba lona le baitseanape ba lona le balori ba lona le baroka ba lona le baloi ba lona ba ba lo rayang ba re: Ga lo kitla lo direla kgosi ya Babele. Gonne ba lo rerela maaka gore ba lo ise kgakala le lefatshe la lona, gore ke lo leleke, mme lona lo nyelele. Mme setšhaba se se tsenyang thamo ya sona mo jokong ya sona mo jokong ya kgosi ya Babele, se e direla, sona ke tla se sadisa mo lefatsheng la sona gore se le leme, se nne mo go lone.’ ” Morena o buile jalo. Le gona ka bolelela Setekia, kgosi ya Juta, mafoko otlhe a ka re: “Tsenyang dithamo tsa lona mo jokong ya kgosi ya Babele, lo e direle le morafe wa yona; foo lo tla phela. Ke ka ntlhaang, fa lo rata go swa, wena le morafe wa gago, ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo, jaaka Morena a bopetse setšhaba se se sa direleng kgosi ya Babele. Se utlweng mafoko a baporofeti ba ba lo rayang ba re: ‘Ga lo kitla lo direla kgosi ya Babele!’ Gonne ba lo rerela maaka. Gonne ga ke a ba roma,” go bua Morena; “mme bone ba rera mo leineng la me ka maaka gore ke tle ke lo leleke, mme lo nyelele mmogo le baporofeti ba ba lo aketsang.” Le gona ke ne ka raya baperesiti le morafe otlhe ka re: “Morena o bua jaana a re: Se utlweng mafoko a baporofeti ba lona ba ba lo rerelang ba re: ‘Bonang, dijana tsa Ntlo ya Morena di tla busiwa ka pele kwa Babele,’ gonne ba lo rerela maaka. Se ba utlweng! Mme direlang kgosi ya Babele; foo lo tla phela. Motse o, o tla fetogelang marope fela? Mme fa bone e le baporofeti, fa Lefoko la Morena le na nabo, a ba rapela Morena wa masomosomo thata gore dijana tse di tlogetsweng mo Ntlong ya Morena le mo ntlong ya kgosi ya Juta le mo Jerusalema di se ka tsa isiwa kwa Babele le tsona. “Gonne Morena wa masomosomo o bua jaana ka ga maotwana le ka ga lewatle le ka ga dikolotsana le ka ga masalela a dithoto tse di tlogetsweng mo motseng o, tse Nebukatenesare, kgosi ya Babele, a di sadisitseng, motlhang ole fa a tlosa Jegonya, morwa Joyakime, kgosi ya Juta mo Jerusalema mmogo le batlotlegi botlhe ba Juta le ba Jerusalema, a ba isa mo botshwarong kwa Babele – “Ee, Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana ka ga dithoto tse di tlogetsweng mo Ntlong ya Morena le mo ntlong ya kgosi ya Juta le mo Jerusalema a re: ‘Di tla isiwa kwa Babele, di nna teng go fitlha letsatsing le ke di tlhokomelang ka lone; foo ke tla di ntsha teng, ke di busetsa mo felong fano.’ ” Morena o buile jalo. E rile ka ngwaga ona oo, mo tshimologong ya puso ya ga Setekia, kgosi ya Juta, ya re ka ngwaga wa bone mo kgweding ya botlhano Hananya, morwa Asure, moporofeti wa kwa Gibeone, a nthaya mo Ntlong ya Morena, baperesiti ba le teng le batho botlhe, a re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke robile joko ya kgosi ya Babele. Dijana tsotlhe tsa Ntlo ya Morena tse Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o di tlositseng mono, a di isa kwa Babele, ke tla di busetsa mo felong fano, dinyaga di le pedi di ise di fete. Le Jegonya, morwa Joyakime, kgosi ya Juta, le batshwarwi botlhe ba Juta, ba ba isitsweng kwa Babele, ke tla ba busetsa mo felong fano; gonne ke tla roba joko ya kgosi ya Babele.’ Morena o buile jalo.” Ke fa moporofeti Jeremia a raya moporofeti Hananya fa pele ga baperesiti le batho botlhe ba ba neng ba eme mo Ntlong ya Morena. Moporofeti Jeremia a re: “Ahee! A Morena a dire jalo! A Morena a dirafatse mafoko a gago a o a rerileng, ka go busa dijana tsotlhe tsa Ntlo ya Morena le batshwarwi botlhe kwa Babele le go ba busetsa mo felong fano. Fela a ko o utlwe lefoko le, le ke le buang mo ditsebeng tsa gago le mo ditsebeng tsa batho botlhe ke re: Baporofeti ba ba neng ba le teng go tswa bogologolo, nna le wena re ise re nne teng, ba reretse mafatshe a mantsi le magosi a magolo ka ga ntwa le tatlhego le leroborobo. Mme fa moporofeti a rera kagiso, o tla itsiwe ka go dirafala ga lefoko la gagwe, fa e le moporofeti yo Morena a mo romileng ka nnete.” Ke fa moporofeti Hananya a rola joko mo thamong ya moporofeti Jeremia, a e roba. Hananya a ba a bua fa pele ga batho botlhe a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Ke tla roba joko ya ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele jalo, ke e tlosa mo thamong tsa ditšhaba tsotlhe, dinyaga di le pedi di ise di fete.’ ” Mme moporofeti Jeremia a itsamaela ka tsela ya gagwe. Jaanong e rile moporofeti Hananya a sena go tlosa joko mo thamong ya moporofeti Jeremia le go e roba, lefoko la Morena la tla kwa go Jeremia la re: “Yaa o ree Hananya o re: ‘Morena o bua jaana a re: Dijoko tsa logong o di robile, mme boemong jwa tsona o tla dira dijoko tsa tshipi. Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Ke beile joko ya tshipi mo thamong tsa ditšhaba tsotlhe tse gore di direle Nebukatenesare, kgosi ya Babele; di tshwanetse go mo direla. Le gona ke mo neetse diphedi tsa naga gore di mo direle.’ ” Jaanong moporofeti Jeremia a raya moporofeti Hananya a re: “A ko o utlwe, Hananya! Morena ga a go roma. Mme wena o timeditse morafe o gore ba ikanye maaka. Ke ka moo Morena a buang jaana a re: ‘Bona, ke tla go tlosa mo lefatsheng. O tla swa ka ona ngwaga o. Gonne o tsogetse Morena ka go rera boikepo.’ ” Moporofeti Hananya o ne a swa jalo ka ona ngwaga o mo kgweding ya bosupa. Ke ona mafoko a lokwalo lo moporofeti Jeremia o lo kwaletseng masalela a bagolo ba batshwarwi le baperesiti le baporofeti le morafe otlhe go tswa Jerusalema, ba Nebukatenesare a ba tlositseng mo Jerusalema, a ba isa kwa Babele mo botshwarong. – Fa kgosi Jegonya le mmaagwe kgosi le badiredi ba lapa la kgosi le dikgosana tsa Juta le Jerusalema le babetli le bathudi ba sena go tlosiwa mo Jerusalema. – A lo romela kwa Babele ka Eleasa, morwa Safane, le Gemaria, morwa Hilekia, ba Setekia, kgosi ya Juta, o ba romileng kwa go Nebukatenesare, kgosi ya Babele, lo na le mafoko a a reng: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o raya batshwarwi botlhe ba o ba ntshitseng mo Jerusalema, a ba isa kwa Babele mo botshwarong, a re: ‘Agang matlo, lo nne mo go ona! Lemang masimo, lo je maungo a ona! Tsayang basadi, lo tsale bana ba basimane le ba basetsana. Le gona lo tseele bomorwaa-lona basadi mme a bomorwadia-lona ba nyalwe ke banna gore ba belege bana ba basimane le ba basetsana gore lo ntsifale teng koo, mme lo se ka lwa ngotlega. Batlang kagiso ya lefatshe le ke lo isitseng kwa go lone mo botshwarong, lo le rapelele Morena. Gonne kagiso ya lone e bile ke kagiso ya lona.’ Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘A baporofeti ba lona ba ba mo go lona le baitseanape ba lona ba se ka ba lo tsietsa. Le gona se dumeleng ditoro tsa bone tse ba di lorang. Gonne ba lo rerela mo leineng la me ka maaka; ga ke a ba roma, go bua Morena.’ “Gonne Morena o bua jaana a re: ‘E tla re dinyaga di le 70 di sena go feta, lo ntse lo le kwa Babele, ke lo gopole, ke dirafatse lefoko le le molemo la me mo go lona le le reng: Ke tla lo busetsa gape mo felong fano. Gonne ke itse megopolo e ke e gopolang ka ga lona; ke megopolo ya kagiso, e seng ya bosula, gore ke lo nee tse di tlang, tse lo ka di solofelang.’ Morena a re jalo. ‘Mme lo tla mpitsa, lo bo lo nthapela, mme ke tla lo utlwa. Fa lo mpatla, lo tla mpona; ee, fa lo mpatla ka pelo yotlhe, ke tla bonwa ke lona,’ go bua Morena. ‘Le gona ke tla fetola tatlhego ya lona, ke lo phutha mo ditšhabeng tsotlhe le mo mafelong otlhe kwa ke lo leleketseng teng,’ go bua Morena; ‘ke tla lo busetsa mo felong fa ke lo tlositseng teng, ka lo isa mo botshwarong.’ “Fa lona lo re: ‘Morena o re tsoseditse baporofeti mono Babele.’ – Nnyaya! Morena o bua jaana ka ga kgosi e e ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le ka ga batho botlhe ba ba setseng mo motseng o, ka ga ba ga lona ba ba sa isiwang le lona mo botshwarong; ee, Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Itseng gore ke tla ba romela tšhaka le tlala le leroborobo, ke ba dira jaaka difeie tse di bodileng tse di sa jeweng ke motho, ka di le dimpe thata. Ke tla ba latelela ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo, ke ba dira theregiso ya magosi otlhe a lefatshe, le thogako le setshosa le tshotlo le kgobo mo ditšhabeng tsotlhe kwa ke ba lelekelang teng. Ke ka gore ga ba a ka ba utlwa mafoko a me,’ go bua Morena, ‘a ke a ba rometseng ka baporofeti, batlhanka ba me ka tlhoafalo, mme ba ganne go utlwa,’ go bua Morena. Mme lona batshwarwi botlhe ba ke lo tlositseng mo Jerusalema, ka lo isa kwa Babele, utlwang Lefoko la Morena! – “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana ka ga Ahabe, morwa Kolaya, le ka ga Setekia, morwa Maaseya, ba ba lo rerelang maaka mo leineng la me, a re: ‘Bonang, ke tla ba neela mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele; o tla ba bolaya fa pele ga matlho a lona. Mme batshwarwi botlhe ba Juta ba ba kwa Babele ba tla dira thogako ka bona ba re: A Morena a go direle jaaka Setekia le Ahabe, ba kgosi ya Babele e ba besitseng mo molelong. Ke ka gore ba dirile tsa botlhabisa-ditlhong mo Iseraeleng, ba senya nyalo le basadi ba bangwe-ka-bone, ba bua mafoko a maaka mo leineng la me, a ke sa a ba laelang. Dilo tseo ke a di itse, ke mosupi wa tsona,’ go bua Morena. “Mme Semaya wa kwa Nehelame ene o mo ree o re: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: E re ka o rometse lokwalo ka bogagago kwa bathong botlhe ba ba mo Jerusalema, le kwa go moperesiti Sefanya, morwa Maaseya, le kwa go baperesiti botlhe wa re: Morena o go dirile moperesiti mo boemong jwa moperesiti Joyata gore o nne mookamedi mo Ntlong ya Morena wa monna mongwe le mongwe yo o tsenwang, yo o itirang moporofeti gore o mo golegele mo dikoteng le ka mhiri wa molala. Mme jaanong ke ka ntlhaang fa o sa thibela Jeremia wa kwa Anathothe yo o itirang moporofeti mo go lona? Kana ke ka moo fa a re rometse mafoko kwano Babele a a reng: Botshwaro e tla nna jo boleele. Agang matlo, lo nne mo go ona! Lemang masimo, lo je maungo a ona.’ ” Mme moperesiti Sefanya o ne a buisa lokwalo loo mo ditsebeng tsa moporofeti Jeremia. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go Jeremia la re: “Romela batshwarwi botlhe mafoko a a reng: ‘Morena o bua jaana ka ga Semaya wa kwa Nehelame a re: E re ka Semaya a lo rerela, le fa ke sa mo roma, a lo ruta go ikanya maaka,’ ke ka moo Morena a buang jaana a re: ‘Bonang, ke tla otla Semaya wa kwa Nehelame le losika lwa gagwe. Ga a kitla a nna le ope yo o agang mo gare ga morafe o; ga a nke a bona tse di molemo tse ke tla di direlang morafe wa me, go bua Morena. Gonne o tsogetse Morena ka go rera boikepo.’ ” Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ikwalele mafoko aotlhe a ke a buileng nao mo lokwalong; gonne, bona, malatsi a e tla,’ go bua Morena, ‘a ke tla fetolang tatlhego ya morafe wa me wa Iseraele le Juta ka ona.’ Morena o buile a re: ‘Ke tla ba busetsa kwano lefatsheng le ke le neileng borraabo, mme ba tla le rua.’ ” Mafoko a Morena o a buileng ka ga Iseraele le ka ga Juta ke a: “Ee, Morena o bua jaana a re: ‘Re utlwetse selelo sa letshogo le sa therego, mme ga go na kagiso. Botsang thata, lo bone gore a monna o ka belega? Ke eng, fa ke bona banna botlhe ba itshwere dinoka ka diatla jaaka mosadi yo o belegang, mme difatlhego tsotlhe di setlhafetse. Ijoo! Kana letsatsi leo ke le legolo! Ijoo! Ga go na le le tshwanang nalo! Ke sebaka sa tlalelo mo go Jakobe, mme o tla gololwa mo go yona. “ ‘E tla re ka letsatsi leo,’ go bua Morena, ‘ke robe joko e e mo thamong tsa bone, ke kgaole dikgole tsa bone. Baeng ga ba kitla ba tlhola ba ba dira batlhanka. Mme ba tla direla Morena, Modimo wa bone, le Dafita, kgosi ya bone, yo ke tla mo ba tsosetsang. “ ‘Mme wena, se boife, Jakobe, motlhanka wa me!’ go bua Morena. ‘Se rerege, Iseraele! Gonne bona, ke tla go pholosa kwa kgakala le losika lwa gago mo lefatsheng la botshwaro jwa bone. Jakobe o tla boa, a ikhutsa, a le mo tshireletsong, go se na yo o mo tshosang. Gonne ke na nao,’ go bua Morena, ‘gore ke go pholose. Ee, ke tla fedisa ditšhaba tsotlhe tse ke go falaleditseng kwa go tsona, mme wena ga nkitla ke go fedisa. Ee, ke tla go otla ka tekanyo, mme ga nkitla ke tlosa kotlo mo go wena fa gotlhe.’ “Gonne Morena o bua jaana a re: ‘Tatlhego ya gago ke e e befileng; ntho ya gago ke e e sa foleng. Ga go na yo o go okang ka tshwanelo; tlhagala e tlhoka ditlhare; go fola ga go teng mo go wena. Baratwi botlhe ba gago ba go lebetse, ga ba na sepe nao; gonne ke go otlile jaaka mmaba a otla ka petso e e setlhogo; gonne molato wa gago o mogolo, maleo a gago a mantsi. O goelang ka ga tshenyegelo ya gago le ka ga botlhoko jwa gago jo bo sa foleng? Ke go diretse tseo, ka molato wa gago o le mogolo, ka maleo a gago a le mantsi. Ka ntlha ya moo go tla jewa botlhe ba ba go jeleng. Botlhe ba ba go pitlagantseng ba tla ya mo botshwarong; ba ba go thopileng ba tla thopiwa; ba ba go thukhuthileng ke tla ba neela bathukhuthi. Gonne ke tla go fodisa, ke alafa dintho tsa gago,’ go bua Morena. ‘E re ka ba go bitsa “Yo o lelekilweng” le “Sione yo o sa batlweng ke ope.” ’ ” “Morena o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla fetola tatlhego ya malapa a ga Jakobe, ke tlhomogela meago ya gagwe pelo. Motse o tla tsosiwa gape mo dithoteng tsa marope a ona. Ntlo ya borena e tla nna fa go e tshwanetseng. Mme go tla utlwala difela tsa pako mo go bona le mantswe a ba ba thabileng. Ke tla ba ntsifatsa, ga ba ne ba fokotsega; ke tla ba tlotla, ga ba ne ba nyatsega. Bomorwawe ba tla nna jaaka pele. Phuthego ya gagwe e tla tlhomamisiwa fa pele ga me; mme bagateledi botlhe ba gagwe ke tla ba otla. Kgosi ya bone e tla nna ya ga bone. Mmusi wa bone o tla tswa mo gare ga bone. Ke tla mo atametsa gore a nne gaufi le nna. Gonne ke mang yo o ka betang pelo, a nkatamela?’ go botsa Morena. ‘Mme lo tla nna morafe wa me; ke tla nna Modimo wa lona.’ ” Bonang, ledimo la Morena le bolotse; ke bogale jo bo tukang. Sefefo se se boitshegang se tla tlhasela ditlhogo tsa baikepi. Bogale jwa Morena ga bo nke bo khutla a ise a dirafatse, a fetse maikaelelo a pelo ya gagwe. Lo tla lemoga sentle mo malatsing a bofelo. “Ka sebaka seo,” go bua Morena, “ke tla nna Modimo wa ditshika tsotlhe tsa Iseraele, mme bone ba tla nna morafe wa me.” Morena o bua jaana a re: “Morafe o o falotseng mo tšhakeng o bonye boitshwarelo mo sekakeng. Iseraele o ya kwa boikhutsong jwa gagwe.” Morena o iponaditse mo go nna go tswa kgakala, a nthaya a re: “Ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke ka moo ke go gogetseng kwa go nna ka bopelotlhomogi. Ke tla go aga gape gore o agege, wena lekgarebe la Iseraele. O tla ikgabisa gape ka meropa ya gago, o tswela kwa dipineng tsa ba ba itumetseng. O tla tlhoma masimo a moweine gape mo dithabeng tsa Samaria; balemi ba tla tlhoma le go ja maungo a teng. Ee, letsatsi le tla nna teng gape le badisa ba tla opang mokgosi ka lone mo dithabeng tsa Eferaime ba re: ‘Nanogang, a re yeng kwa Sione, kwa Moreneng, Modimo wa rona.’ ” Gonne Morena o bua jaana a re: “Dudueletsang Jakobe ka boitumelo, ipeleng ka ntlha ya moetapele wa ditšhaba! Utlwatsang, lo tumiseng lo re: ‘Morena o pholositse morafe wa gagwe, e bong masalela a Iseraele.’ Bonang, ke tla ba busa kwa lefatsheng la bokone, ke ba phutha kwa dikhutlong tsa lefatshe, ba na le difofu le batlhotsi le ba baimana le ba ba belegang, botlhe mmogo. Ba tla boela kwano e le phuthego e kgolo. Ba tla tla ka selelo. Ke tla ba tlisa ba ntse ba kokotlela. Ke tla ba isa kwa dinokeng tsa metsi mo tseleng e e siameng e ba sa kgotšweng mo go yona. Gonne ke nna rraagwe Iseraele; Eferaime ke morwaake wa ntlha. Lona merafe, utlwang Lefoko la Morena, lo le utlwatse kwa ditlhakatlhakeng tse di kgakala lo re: ‘Yo o faladitseng Baiseraele o tla ba phutha gape, a ba disa jaaka modisa a disa letsomane la gagwe.’ Gonne Morena o rekolotse Jakobe, a mo golola mo seatleng sa yo o thata bogolo go ene. Ba tla tla, ba duduetsa mo thabeng ya Sione, ba itumelela ditshegofatso tsa Morena, e bong mabele le weine le lookwane le dikwanyana le dikgomo. Mewa ya bone e tla tshwana le tshimo e e noseditsweng sentle. Ga ba kitla ba tlhola ba bogisega. Foo makgarebe a tla itumela mo pineng, makau le banna bagolo ba na nao. Gonne ke tla fetola khutsafalo ya bone boitumelo, ke ba gomotsa, ke ba thabisa, ke ba ntsha mo bohutsaneng jwa bone. Ke tla lapolosa dipelo tsa baperesiti ka mafura; morafe wa me o tla kgora ditshegofatso tsa me.” Morena o buile jalo. Morena o bua jaana a re: “Utlwelelang! Go utlwala sefela sa khutsafalo le selelo sa bogalaka kwa Rama: ‘Ragele o lelela bana ba gagwe, mme o gana go gomotsega ka ntlha ya bone, gonne ga ba tlhole ba le teng.’ ” Morena o bua jaana a re: “Thibela selelo sa lentswe la gago le dikeledi tsa matlho a gago; gonne tiro ya gago e tla bona tuelo,” go bua Morena. “Ba tla boa mo lefatsheng la mmaba. Go na le tsholofelo ya ba losika lwa gago,” go bua Morena. “Bana ba tla boela mo dinageng tsa bone. “Ee, ke utlwile Eferaime a lela a re: ‘O nkotlile, ka bediwa jaaka pholwana e e iseng e katisiwe. Ntlhabolose, foo ke tla tlhabologa! Gonne ke wena Morena, Modimo wa me. Gonne e rile ke sena go ikepa, ka ikwatlhaya; ya re ke sena go ipona, ka ingwaya tlhogo. Ke tlhabilwe ke ditlhong, ka swaba, gonne ke rwele kgobo ya bošwa jwa me.’ A Eferaime ke morwaake yo o rategang? Gongwe a ke ngwana yo o nthabisang? Gonne ka nako le nako, fa ke bua ka ga gagwe, ke sa ntse ke na le go mo gopola. Ke ka moo maikutlo a me a mo huduegelang, ke na le go mo tlhomogela pelo.” Morena o buile jalo. “Itlhomele mesupatsela, o itsosetse mantswe a a motloutlo; tlhokomela tsela e kgolo, e leng tsela e o tsamaileng ka yona. Boa, lekgarebe la Iseraele, o boele mo metseng eno ya gago. O tla kgarakgatshega go fitlha leng, wena morwadi yo o tenegileng? Gonne Morena o tla tlhola tse dintšhwa mo lefatsheng: Mosadi o tla ineela monna.” Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “E tla re ke fetola tatlhego ya bone, ba bue lefoko leo gape mo lefatsheng la Juta le mo metseng ya lone ba re: “ ‘A Morena a go tshegofatse, wena naga ya tshiamo le thaba e e boitshepo!’ “Mme Bajuta le ba metse yotlhe ya bone le balemi le ba ba bololang le matsomane ba tla nna mmogo mo go yona. Gonne ke lapolosa pelo tsa ba ba lapileng; ke kgorisa botlhe ba ba nyemileng moko.” Ke fa ke thanya, ke lebaleba; mme boroko jwa me bo ne bo beile monate mo go nna. “Bonang, malatsi a tla tla,” go bua Morena, “a ka ona ke tla jwalang peo ya batho le peo ya dikgomo mo ntlong ya Iseraele le mo ntlong ya Juta. Ke ne ke tlhoafetse go ba kumola le go ba thuba le go ba rutla le go ba nyeletsa le go ba utlwisa botlhoko: Ke tla tlhoafala jalo go ba aga le go ba tlhoma,” go bua Morena. “Ka malatsi ao ga ba kitla ba tlhola ba re: “ ‘Borra-bana ba jele makgela a moweine; ka moo meno a bana a dilega.’ “Mme mongwe le mongwe o tla swa ka ntlha ya molato wa gagwe. Motho mongwe le mongwe yo o jang makgela a moweine, meno a gagwe a tla dilega. “Bonang, malatsi a e tla,” go bua Morena, “a ke tla dirang kgolagano e ntšhwa le Baiseraele le Bajuta ka ona; e seng kgolagano e e tshwanang le e nkileng ka e dira le borraabo ka letsatsi le ke ne ke ba tshwere mabogong ka lone go ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ba robile kgolagano ya me, le fa ke ne ke le Morena wa bone.” Morena o buile jalo. “Mme kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya molao wa me mo maikutlong a bone, ke o kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me.” Morena a re jalo. “Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Itse Morena!’ Gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone,” go bua Morena. “Gonne ke tla ba itshwarela molato wa bone, ke sa tlhole ke gopola maleo a bone.” Morena yo o tlhabisang letsatsi gore le bonese motshegare; yo o beileng dithulaganyo tsa ngwedi le dinaledi gore di sedimose bosigo; yo o huduang lewatle gore dintelo tsa lone di sume – leina la gagwe ke Morena wa masomosomo – o bua jaana a re: “Fa dithulaganyo tse di tloga fa pele ga me,” go bua Morena, “foo losika lwa Iseraele le lone lo tla khutla go nna setšhaba fa pele ga me ka malatsi otlhe.” Morena o bua jaana a re: “Fa legodimo le ka lekanngwa kwa godimo; fa metheo ya lefatshe e ka tlhotlhomisiwa kwa tlasetlase, foo le nna ke tla latlha losika lotlhe lwa Iseraele ka ntlha ya tsotlhe tse ba di dirileng.” Morena o buile jalo. Morena a re: “Bonang, malatsi a e tla a motse o, o tla agelwang Morena gape ka ona, go tloga kwa kagong e e godimo ya Hananele go fitlha kwa Kgorong ya Sekhutlo. Mme mogala o o lekanyang o tla isiwa pele, o tlhamalala go fitlha kwa thabaneng ya Garebe; o tla thelela teng, o ya kwa Goa. Mme mogorogoro otlhe wa ditoto le wa molora wa ditlhabelo, mmogo le masimo otlhe go fitlha kwa nokeng ya Kiterone le go ya kwa sekhutlong sa Kgoro ya Dipitse ntlheng ya botlhabatsatsi, o tla itshepela Morena. Ga go kitla go tlhola go kumolwa teng le e seng go rutlwa ka bosakhutleng.” Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng ka ngwaga wa lesome wa ga Setekia, kgosi ya Juta. Ke ona ngwaga wa 18 wa ga Nebukatenesare. Ka sebaka sela batlhabani ba kgosi ya Babele ba ne ba dikanyetsa Jerusalema ka ntwa. Moporofeti Jeremia o ne a tswaletswe, a le mo lapeng la batlhabani le le kwa ntlong ya kgosi ya Juta. Ke fa Setekia, kgosi ya Juta, o neng a mo tswaletse teng a re: “Ke ka ntlhaang, fa o bolelela pele o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bonang, ke tla neela motse o mo diatleng tsa kgosi ya Babele, mme e tla o thopa. Setekia, kgosi ya Juta, le ene ga a na go falola mo diatleng tsa Bakalatea. Ruri, o tla neelwa mo diatleng tsa kgosi ya Babele, a bua nayo ba lebaganye. Yona e tla isa Setekia kwa Babele; o tla nna teng koo go fitlhelela ke mo ela tlhoko, go bua Morena. Le fa lo tla tlhabana le Bakalatea, ga lo ka ke lwa kgona sepe.’ ” Mme Jeremia a re: “Lefoko la Morena le tsile kwa go nna la re: ‘Bona, Hanamele, morwa Sadume, rangwanaago, o tla tla kwa go wena a re: Ithekele tshimo ya me e e kwa Anathothe; gonne o na le tshiamelo ya thekololo go ka e reka.’ Mme Hanamele, morwa rrangwane, o ne a tla kwa go nna jaaka Morena a buile, kwa lapeng la batlhabani, a nthaya a re: ‘A ko o reke tshimo ya me e e kwa Anathothe mo lefatsheng la Benyamene, gonne o na le tshiamelo ya go rua boswa le ya thekololo; e ithekele!’ Ke fa ke lemoga gore ke Lefoko la Morena. Ya baa gona ke rekang tshimo e e kwa Anathothe mo go Hanamele, morwa rrangwane, ka mo lekanyetsa madi, e bong diselefera di le 17. Ka ba ka kwala lokwalo, ka lo kana, ka bitsa basupi, ka mo lekanyetsa diselefera ka selekanyetso. Ka tsaya lokwalo lwa theko lo lo kannweng ka fa molaong le tlwaelong, le lo lo sa kanwang, ka neela Baruge, morwa Neria, morwa Mahaseya, lokwalo lwa theko fa pele ga matlho a ga Hanamele, morwa rrangwane, le fa pele ga matlho a basupi ba ba ikwadileng leina mo lokwalong lwa theko, le fa pele ga Bajuta botlhe ba ba neng ba ntse mo lapeng la batlhabani. Ka laela Baruge fa pele ga matlho a bone ka re: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Tsaya dikwalo tse, e leng lokwalo lwa theko lo lo kannweng lo, le lokwalo lo lo sa kanwang, o di lokele mo nkgwaneng ya letsopa gore di tle di bolokege sebaka se seleele. Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Matlo le masimo le masimo a moweine a tla ba a rekwa gape mo lefatsheng le.’ ” Jaanong ya re ke sena go neela Baruge, morwa Neria, lokwalo lwa theko, ka rapela Morena ka re: “Ao! Morena Modimo, bona, o dirile legodimo le lefatshe ka thata e kgolo ya gago le ka letsogo le le otlologileng la gago. Ga go na tiro epe e e go palelang. O direla ba le dikete ka bopelotlhomogi, o busolosetsa tshiamololo ya borra-bana mo dihubeng tsa bana ba bone sehularong sa bone; o Modimo o mogolo, o o thata, o leina la gago e leng Morena wa masomosomo. O mogolo mo kgakololong, o nonofile mo tirong; matlho a gago a budulogetse ditsela tsotlhe tsa bana ba batho gore o duele mongwe le mongwe ka fa tsamaong ya gagwe le ka fa leungong la ditiro tsa gagwe. O dirile ditshupo le dikgakgamatso kwa lefatsheng la Egepeto, mo go Iseraele le mo bathong ba bangwe, go fitlha kajeno, wa itirela leina jaaka le tumile kajeno. O ntshitse Iseraele, morafe wa gago, kwa lefatsheng la Egepeto ka ditshupo le ka dikgakgamatso le ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng le ka theregiso e kgolo. O ba neile lefatshe leno le o le ikanetseng borraabo go le ba naya; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Ba tsenye mo go lone, ba le rua, mme ba sa utlwe lentswe la gago, ba sa sepele ka fa molaong wa gago, ba sa dire sepe sa dilo tse o di ba laetseng gore ba di dire. Ke ka moo o ba digetseng mo tatlhegong yotlhe e. “Bona, ditotoma di setse di fitlhile fa motseng gore baba ba o thope; motse o neelwa mo diatleng tsa Bakalatea ba ba tlhabanang nao ka ntlha ya tšhaka le tlala le leroborobo. Go dirafetse jaaka o buile. Kana o a bona. Mme wena Morena Modimo, o ntheile wa re: ‘Ithekele tshimo ka diselefera, o bitse basupi – le fa motse o neelwa mo diatleng tsa Bakalatea.’ ” Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go Jeremia le re: “Bona, ke nna Morena, Modimo wa nama yotlhe! A nka palelwa ke sengwe?” Ka moo Morena o bua jaana a re: “Bona, ke tla neela motse o mo diatleng tsa Bakalatea le mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mme o tla o thopa. Bakalatea ba ba tlhabanang le motse o ba tla tsena mo go ona, ba tshuba motse o, ba o fisa ka molelo mmogo le matlo a ba fiseditseng Baale maswalo, ba tshelela medimo e sele ditshupelo tsa noo mo ditlhomesong tsa ona gore ba nkgalefise. Gonne Baiseraele le Bajuta ba ne ba ntse ba dira fela tse di bosula mo matlhong a me go tloga bonyaneng jwa bone; ee, Baiseraele ba ntse ba nkgakaditse fela ka ditiro tsa diatla tsa bone,” Morena o buile jalo. “Gonne motse o, go tloga ka letsatsi le ba o agileng ka lone go fitlha letsatsing la kajeno, o ntse o ntlhotlheleditse bogaleng le go nkgalefisa; ka moo ke na le go o tlosa fa pele ga me, ka ntlha ya bosula jotlhe jwa Baiseraele le Bajuta jo ba bo dirileng go nkgakatsa, bona le dikgosi tsa bona le dikgosana tsa bona le baperesiti ba bona le baporofeti ba bona le banna ba Juta le baagi ba Jerusalema. Ba ne ba nkhularela, ba sa ntebe; le fa ke ba rutile ka tlhoafalo, ga ba a ka ba utlwa le e seng go amogela thuto. Le gona ba beile maila a medimo ya bone mo Ntlong e e bidiwang ka leina la me gore ba e itshekolole. Ba feta ba aga dithota tsa tlhabelo tsa ga Baale tse di mo mogorogorong wa Morwa-Hinome gore ba fisetse Mologe bomorwaa-bone le bomorwadia-bone. Kana ga ke a ba laela jalo! Ga go ise go tsene mo pelong ya me gore ba dire makgapha a a ntseng jalo go gogela Bajuta mo maleong.” Mme jaanong, ke ka moo Morena, Modimo wa Iseraele, o buang jaana ka ga motse o, o lo buang ka ga ona lo re: “O neetswe mo diatleng tsa kgosi ya Babele ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo” – a re: “Bonang, ke tla ba phutha mo mafatsheng aotlhe kwa ke ba leleketseng gona ke le bogale, ke galefile, ke gaketse thata; ke tla ba busetsa mo felong fano, ke ba agisa mo tshireletsong. Ba tla nna morafe wa me, mme ke tla nna Modimo wa bone. Ke tla ba naya pelo e sele le maitsholo a sele gore ba mpoife ka malatsi aotlhe, gore ba phele sentle le bana ba bone ba ba tla ba latelang. Ke tla dira kgolagano e e sa khutleng nabo ya go re: Ga nkitla ke ba hularela le e seng go khutla go ba direla molemo; ke tla tsenya go mpoifa mo dipelong tsa bone gore ba se ka ba ntlogela. Ke tla ba itumelela, ke ba direla molemo; ke tla ba tlhoma mo lefatsheng le ka boammaaruri, ka pelo ya me yotlhe le ka mowa wa me otlhe.” Gonne Morena o bua jaana a re: “Ke tla tlisetsa morafe o tse di molemo tsotlhe tse ke di o solofeditseng, fela jaaka ke o tliseditse tatlhego yotlhe e. Masimo a tla rekwa gape mo lefatsheng le, le lo buang ka ga lone lo re: ‘Ke sekaka fela fa go se nang batho le dikgomo; le neetswe mo diatleng tsa Bakalatea.’ Ba tla reka masimo ka selefera, ba kwala dikwalo tsa teng, ba di kana, ba bitsa basupi, mo lefatsheng la Benyamene le mo tikologong ya Jerusalema le mo metseng ya Juta le mo metseng ya dithaba le mo metseng ya naga e e kwa tlase le mo metseng ya borwa. Gonne ke tla fetola tatlhego ya bone, go bua Morena.” Lefoko la Morena la tla la bobedi kwa go Jeremia, a sa ntse a tswaletswe mo lapeng la batlhabani, la re: “Morena yo o dirileng lefatshe, yo o le bopileng gore a le tlhomamise, yo leina la gagwe e leng Morena, o bua jaana a re: ‘Mpitse, ke tla go araba, ke go itsise dilo tse dikgolo tse di sa tlhotlhomisiweng, tse o sa di itseng.’ Gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana ka ga matlo a motse o le ka ga matlo a dikgosi tsa Juta a a rutlilweng, e le go iphemela kgatlhanong le ditotoma tsa mmu le tšhaka, a re: ‘Le fa ba tlile gore ba tlhabane le Bakalatea, ke go tlatsa matlo ditoto tsa batho fela; kana ke ba bolaile ke le bogale, ke galefile; kana motse o ke o fitlhetse sefatlhego sa me ka ntlha ya bosula jotlhe jwa bone bao. Bonang, ke tla busetsa motse kalafo le phôlô; ke tla ba fodisa, ke ba bulela letlotlo la kagiso le boammaaruri. Ke tla busa batshwarwi ba Juta le batshwarwi ba Iseraele, ke ba aga jaaka mo metlheng ya pele. Ke tla ba tlhapisa molato otlhe o ba nteofetseng ka ona, ke ba itshwarela ditshiamololo tsotlhe tse ba nteofetseng ka tsona, tse ba ikepileng mo go nna ka tsona. Mme motse o e tla nna tumiso e e thabisang le pako le kgalalelo mo go nna fa pele ga ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe, tse di tla utlwelang molemo otlhe o ke tla o o direlang; di tla roroma, di tetesela ka ntlha ya tse di molemo tsotlhe le ka ntlha ya kagiso yotlhe tse ke tla o direlang tsona.’ ” Morena o bua jaana a re: “Go tla utlwala gape mo felong fano fa lo buang ka ga gona lo re: ‘Ke sekaka fela, fa go se nang motho, fa go se nang diruiwa;’ mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema e e sentsweng, e se na motho, e se na moagi, e se na diruiwa, go be go utlwala gape modumo wa tuduetso wa boitumelo le lentswe la monyadi le lentswe la monyalwa le kopelo ya ba ba tlisang ditlhabelo tsa tebogo kwa Ntlong ya Morena ba ba reng: “ ‘Lebogang Morena wa masomosomo, gonne Morena o molemo; gonne bopelontle jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.’ “Gonne ke tla fetola tatlhego ya lefatshe gore le nne gape jaaka mo metlheng ya pele.” Morena o buile jalo. “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Mo felong fano fa go fetogileng sekaka, go se na motho, go se na diruiwa, le mo metseng yotlhe ya mono go tla nna mafulo a badisa gape ba ba bothisang matsomane. Mo metseng ya dithaba le mo metseng ya naga e e kwa tlase le mo metseng ya borwa le mo nageng ya Benyamene le mo tikologong ya Jerusalema le mo metseng ya Juta, difutshane di tla feta gape fa thoko ga yo o di balang. Morena o buile jalo. “ ‘Bonang, malatsi a e tla,’ ” go bua Morena, “ ‘a ka ona ke tla dirafatsang tsholofetso e e molemo e ke e solofeditseng Baiseraele le Bajuta. Mo malatsing ao le ka sebaka seo ke tla tlhogisetsa Dafita letlhogela la tshiamo; mme o tla dirafatsa molao le tshiamo mo lefatsheng. Mo malatsing ao go tla pholosiwa Juta, mme Jerusalema o tla nna mo tshireletsong. Mme Jerusalema ba tla mo taya leina le le reng: “Morena-ke-tshiamo-ya-rona.” ’ ” Gonne Morena o bua jaana a re: “Dafita ga a kitla a tlhoka monna yo o ntseng mo sennong sa bogosi sa Baiseraele. Le gona baperesiti ba lotso lwa ga Lefi ga ba kitla ba tlhoka monna yo o tlisang ditlhabelo tse di fisiwang fa pele ga me, yo o tshubang ditshupelo tsa dijo, yo o baakanyang setlhabelo se se jewang ka malatsi otlhe.” Mme Lefoko la Morena la tla kwa go Jeremia la re: “Morena o bua jaana a re: ‘Fa lo ka roba kgolagano e ke e dirileng le letsatsi le kgolagano e ke e dirileng le bosigo, bosigo le motshegare di sa tlhole di le teng ka nako ya tsona, foo kgolagano ya me le Dafita, motlhanka wa me, le yona e tla robiwa, a sa tlhole a na le ngwana wa mosimane yo e leng kgosi mo sedulong sa gagwe sa bogosi. Mafoko a, a raya Balefi ba e leng baperesiti, badiredi ba me, fela jalo. Ke tla ntsifatsa losika lwa ga Dafita, motlhanka wa me, le lwa Balefi ba ba ntirelang jaaka lesomo la legodimo le le sa balweng, le jaaka motlhaba wa lewatle o o sa lekanngweng.’ ” Mme Lefoko la Morena la tla kwa go Jeremia la re: “A ga o a lemoga se batho bale ba se buang ba re: ‘Ditshika tse pedi tse Morena o neng a di itlhaoletse, o di latlhile’? Le gona ba kgala morafe wa me, ba sa tlhole ba o kaya setšhaba.” Morena o bua jaana a re: “Ke dirile kgolagano ya me le bosigo le motshegare; ke beile dithulaganyo tsa legodimo le tsa lefatshe. Se ke nnete ruri. Ga nkitla ke latlha losika lwa ga Jakobe le lwa ga Dafita, motlhanka wa me; ke tla nna ke ntsha mo losikeng lwa gagwe ba ba busang losika lwa ga Aborahame le Isaka le Jakobe. Le seo se ke nnete ruri fela jalo. Gonne ke tla fetola tatlhego ya bone, ke ba tlhomogela pelo.” E rile Nebukatenesare, kgosi ya Babele, a tlhabana le Jerusalema le metse yotlhe ya teng, a na le batlhabani botlhe ba gagwe le magosi otlhe a lefatshe le le mo taolong ya gagwe le merafe yotlhe, lefoko la tla kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Yaa o bue le Setekia, kgosi ya Juta, o mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bona, ke tla neela motse o mo diatleng tsa kgosi ya Babele, mme e tla o fisa ka molelo. Le wena ga o kitla o falola mo diatleng tsa yona; ruri, o tla tshwarwa, o neelwa mo diatleng tsa yona. O tla lebaganya matlho le kgosi ya Babele, molomo wa yona o tla bua le molomo wa gago, mme o tla ya kwa Babele.’ Fela utlwa Lefoko la Morena, wena Setekia, kgosi ya Juta! Morena o bua jaana ka ga gago a re: ‘Ga o nke o swa ka tšhaka! O tla swa ka kagiso. Ba tla go fisetsa matlhare a a nkgang monate jaaka go fiseditswe borraago, dikgosi tsa pele, tse di neng di le teng pele ga gago. Le gona ba tla go hutsafalela ba re: Ijoo! Morena! Gonne ke nna ke buileng lefoko le,’ ” go bua Morena. Moporofeti Jeremia o ne a bua mafoko aotlhe a le Setekia, kgosi ya Juta, mo Jerusalema, batlhabani ba kgosi ya Babele ba ntse ba tlhasela Jerusalema le metse yotlhe ya Juta e e iseng e thopiwe, e bong Lagiše le Aseka. Gonne yona e setse e le yosi mo metseng ya Juta, ka e le metse e e femetsweng. Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng, kgosi Setekia e sena go dira kgolagano le morafe otlhe o o mo Jerusalema gore go tlhajwe mokgosi o o reng: “Gololang balala!” E le gore mongwe le mongwe a golole molala wa gagwe yo e leng Mohebere, le letata la gagwe le e leng Mohebere gore go se nne ope yo o dirang morwa-rraagwe yo e leng Mojuta molala. Ke fa go utlwa dikgosana tsotlhe le morafe otlhe, ba ba neng ba dumelanye le maipofo a a reng: “Mongwe le mongwe a golole molala wa gagwe le lelata la gagwe, mme a se ka a tlhola a ba tshola jaaka balala.” Ba utlwa, ba ba golola. Mme morago ga moo ba fetoga pelo, ba busa balala le malata, ba ba neng ba ba golotse; ba ba gapeletsa gape go nna balala le malata. Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng le re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Ke dirile kgolagano le borraeno ka nosi ka letsatsi le ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone ka re: ‘Morago ga dinyaga tse supa a mongwe le mongwe a golole morwa-rraagwe yo e leng Mohebere yo o ithekisitseng mo go wena. A e nne molala wa gago dinyaga di le thataro, ke gona o tshwanetseng go mo golola.’ Mme borraeno ga ba a ka ba utlwa le e seng go sekega ditsebe. Mme lona lo ne lo tlhabologile kajeno, lwa dira tse di siameng mo matlhong a me ka go kua kgololo ya balala; lwa dira kgolagano fa pele ga me mo Ntlong e e bidiwang ka leina la me. Mme lo tlhanogile, lwa itshepolola leina la me; mongwe le mongwe wa lona a golega molala wa gagwe le lelata la gagwe gape, ba lo neng lo ba golotse ka fa keletsong ya bone, lwa ba gapeletsa go nna balala ba lona le malata a lona.” Ke gona ka moo Morena a buang jaana a re: “Lona ga lo a ka lwa nkutlwa gore lo kue kgololo ya balala, gore mongwe le mongwe a kuele morwa-rraagwe le mongwe-ka-ene kgololo. Bonang, ke nna ke lo kuelang kgololo jaanong,” go bua Morena, “e bong ya go neelwa tšhaka le leroborobo le tlala, mme ke tla lo dira theregiso ya magosi otlhe a lefatshe. Mme ke tla neela banna ba ba tlodileng kgolagano ya me, ba ba sa dirafatsang mafoko a kgolagano e ba e dirileng fa pele ga me, fa ba fatola namane, ba ralala fa gare ga mefama ya yona, e leng dikgosana tsa Juta le dikgosana tsa Jerusalema le badiredi ba kgosi le baperesiti le morafe otlhe wa lefatshe, ba ba neng ba ralala fa gare ga mefama ya namane; ke tla ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya; mme ditoto tsa bone e tla nna dijo tsa dinonyane tsa loapi le tsa dibata tsa lefatshe. Le Setekia, kgosi ya Juta le dikgosana tsa gagwe ke tla ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya, mo diatleng tsa batlhabani ba kgosi ya Babele ba ba bolotseng jaanong, ba lo tlogela. Bonang, ke tla laola, go bua Morena, ke ba busetsa kwano motseng o; mme ba tla tlhabana le ona, ba o thopa, ba o fisa ka molelo. Mme metse ya Juta ke tla e ntsha sekaka se se se nang moagi.” Lefoko le le tlileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng mo malatsing a ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, la re: “Yaa kwa losikeng lwa Baregabe, o bue nabo, o ba ise kwa Ntlong ya Morena mo go nngwe ya matlwana, o ba nee weine, ba nwe.” Ka ya ka tsaya Jaasanya, morwa Jeremia morwa Habasinya, le bomorwa-rraagwe le bomorwawe botlhe le losika lotlhe lwa Baregabe; ka ba isa kwa Ntlong ya Morena, mo ntlwaneng ya bomorwa Hanane, morwa Igetalea, monna wa Modimo, e e bapileng le ntlwana ya dikgosana e e fa godimo ga ntlwana ya ga Maaseya, morwa Sadume, modisa wa mojako; banna bao ba losika lwa Baregabe ka ba baya dinkgo tse di tletseng weine la dinwelo pele, ka ba raya ka re: “Nwaang, weine ke e!” Mme ba fetola ba re: “Ga re nwe weine. Gonne Jonatabe, morwa Regabe, rraetsho, o re laetse a re: ‘Lo se ka lwa nwa weine ka gope, lona le bomorwaa-lona. Le gona se ageng ntlo, se jwaleng peo, se tlhomeng tshimo ya moweine le e seng go nna nayo! Mme lo nne mo ditenteng ka malatsi otlhe a lona gore lo tle lo phele malatsi a mantsi mo lefatsheng le lo leng baeng mo go lone.’ Jaanong re utlwile taolo ya ga Jonatabe, morwa Regabe, rraetsho, mo go tsotlhe tse o di re laetseng gore rona le basadi ba rona le bomorwaa-rona le bomorwadia-rona re se ka ra nwa weine ka malatsi otlhe a rona; re se ka ra aga matlo go nna mo go ona; re se ka ra nna le tshimo ya moweine, le tshimo le peo, mme re nna mo ditenteng, re utlwa e bile re dira fela jaaka Jonatabe rraetsho a re laetse. Jaanong e rile Nebukatenesare, kgosi ya Babele, a tlhaga, a tsena mo lefatsheng, ra re: ‘Tlaang re yeng kwa Jerusalema, re tshabe batlhabani ba Bakalatea le batlhabani ba Basiria.’ Ra tla ra nna jalo mo Jerusalema.” Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go Jeremia le re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Yaa o ree banna ba Juta le baagi ba Jerusalema o re: ‘A ga lo rate go amogela kgalemelo le go utlwa mafoko a me?’ go botsa Morena. ‘Mafoko a ga Jonatabe, morwa Regabe, a o a laetseng bomorwawe gore ba se ka ba nwa weine, a a tshegediwa; ga ba ise ba nwe weine go fitlha letsatsing la kajeno. Gonne ba utlwa taolo ya ga rraabo. Mme nna ke buile le lona ka tlhoafalo, mme ga lo a ka lwa nkutlwa. Kana ke lo rometse baporofeti, batlhanka ba me botlhe, ka tlhoafalo, ka lo raya ka re: A ko lo boe, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe, lo siamise ditiro tsa lona! Se lateleng medimo e sele go e direla! Foo lo tla nna mo nageng e ke e lo fileng le borraeno. Mme ga lo a ka lwa sekega ditsebe le e seng go nkutlwa. Ee, bomorwa Jonatabe, morwa Regabe, ba tshegeditse taolo ya ga rraabo e o e ba laetseng. Mme morafe o, ona ga o nkutlwe.’ Jalo ge, Morena, Modimo wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla tlisetsa Juta le baagi ba Jerusalema dikotlo tsotlhe tse ke ba bopetseng ka tsona. Gonne ke buile le bone, mme ga ba a ka ba utlwa; ka ba bitsa, ba se ka ba araba.’ ” Mme Jeremia a raya boora Regabe a re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘E re ka lo utlwile taolo ya ga Jonatabe rraeno, lwa tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa gagwe, lwa dira fela jaaka a lo laotse,’ ke ka moo Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a buang jaana a re: ‘Jonatabe, morwa Regabe, ga a kitla a tlhoka monna wa losika lwa gagwe ka gope yo o ntirelang.’ ” E rile ka ngwaga wa bone wa ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, ga tla lefoko le kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re: “Itseele buka e e kwalelang, o kwale mafoko otlhe mo go yona a ke a buileng nao ka ga Iseraele le ka ga Juta le ka ga ditšhaba tsotlhe go tloga ka letsatsi le ke simolotseng ka lone go bua nao, go tloga malatsing a ga Josia go fitlha letsatsing la kajeno. Fa Bajuta ba utlwa ka ga dikotlo tsotlhe tse ke ikaeletseng go ba otla ka tsona, ka gongwe ba tla tlhabologa, ba boa, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe gore ke ba itshwarele molato wa bone le maleo a bone.” Ke fa Jeremia a bitsa Baruge, morwa Neria, mme Baruge a kwala tse di tswang mo molomong wa ga Jeremia, a kwala mafoko otlhe a Morena a o a buileng nae, mo bukeng e e kwalelang. Le gona Jeremia a laela Baruge a re: “Ke tshwaregile, ke palelwa ke go ya kwa Ntlong ya Morena, mme wena yaa o tsene, o buise mafoko a Morena mo bukeng a o a kwadileng a tswa mo molomong wa me, o a buise mo ditsebeng tsa morafe mo Ntlong ya Morena ka letsatsi la go itima dijo; le gona o a buise mo ditsebeng tsa Bajuta botlhe ba ba tswang mo metseng ya bone. Ka gongwe ba tla ikokobetsa ka mekokotlelo fa pele ga Morena, ba tlhabologa, ba boa, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe; gonne bogale bo bogolo le kgalefo e kgolo tse Morena o bopetseng morafe o ka tsona.” Mme Baruge, morwa Neria, a dira gotlhe jaaka moporofeti Jeremia a mo laetse, a buisa mafoko a Morena mo bukeng mo Ntlong ya Morena. Ga dirafala jalo ka ngwaga wa botlhano wa puso ya ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, mo kgweding ya robongwe, mogang batho botlhe ba bileditsweng letsatsing la go itima dijo fa pele ga Morena, e le ba ba mo Jerusalema le batho botlhe ba ba tlileng kwa Jerusalema ba tswa kwa metseng ya Juta. Ke fa Baruge a buisa mafoko a ga Jeremia mo bukeng, mo Ntlong ya Morena, e leng mo ntlwaneng ya ga Gemaria, morwa Safane, mokwaledi, e e mo lapeng le le kwa godimo, fa mojakong wa Kgoro e Ntšhwa ya Ntlo ya Morena, a a buisa mo ditsebeng tsa batho botlhe. Jaanong ya re Migaya, morwa Gemaria, morwa Safane, a sena go utlwa mafoko otlhe a Morena a a tswang mo bukeng, a fologela kwa ntlong ya kgosi, a tsena mo ntlwaneng ya mokwaledi, a fitlhela dikgosana tsotlhe di ntse teng mo lekgotleng, e leng Elisama, mokwaledi, le Delaya, morwa Semaya, le Elenathane, morwa Agebore, le Gemaria, morwa Safane, le Setekia, morwa Hananya, le dikgosana tsotlhe. Mme Migaya a ba itsise mafoko aotlhe a o neng a a utlwile Baruge a ntse a a buisa mo ditsebeng tsa batho. Ke fa dikgosana tsotlhe di roma Jehudi, morwa Nethanya, morwa Selemia, morwa Khuši, kwa go Baruge, ba mo raya ba re: “Buka e o e buisitseng mo ditsebeng tsa batho, e tsee ka seatla, o tle kwano ka yona!” Baruge, morwa Neria, a tsaya buka ka seatla, a ya kwa go bone. Ba be ba mo raya ba re: “A ko o nne fatshe, o e buise mo ditsebeng tsa rona.” Mme Baruge a e buisa mo ditsebeng tsa bone. Jaanong ya re ba sena go utlwa mafoko otle a, ba lebana ba tshogile ba raya Baruge ba re: “Re tshwanetse go begela kgosi mafoko aotlhe a.” Le gona ba botsa Baruge ba re: “A ko o re tlhalosetse go re o kwadile jang mafoko aotlhe a, a a tswang mo molomong wa gagwe?” Baruge a ba raya a re: “O ne a mpolelela mafoko aotlhe a ka molomo wa gagwe, mme nna ka a kwala mo bukeng ka enke.” Ke fa dikgosana di raya Baruge di re: “Tsamaya lo iphitlhe, wena le Jeremia, mme go se ka ga itse ope kwa lo leng teng!” Tsa ba tsa ya kwa lapeng la kgosi – buka yona tsa bo di e beile mo ntlwaneng ya mokwaledi Elisama – tsa itsise mafoko aotlhe a mo ditsebeng tsa kgosi. Ke fa kgosi e roma Jehudi gore a tsee buka ele. A ya a e tsaya kwa ntlwaneng ya mokwaledi Elisama; a feta a e buisa mo ditsebeng tsa kgosi le mo ditsebeng tsa dikgosana tsotlhe tse di neng di eme fa pele ga kgosi. Mme kgosi ya bo e ntse mo ntlong ya mariga – kana e ne e le kgwedi ya robongwe – e ora molelo o o tukang mo leisong fa pele ga yona. Jaanong fa Jehudi a sena go buisa matlhare a le mane le fa e le a mararo, kgosi ya a kgaola ka thipa ya mokwaledi, ya a latlhela mo molelong o o mo leisong, ga tsamaya buka yotlhe ya felelela mo molelong o o mo leisong. Mme kgosi le batlhanka botlhe ba yona ga ba a ka ba tshoga le e seng go ikgagola diaparo, le fa ba utlwile mafoko aotlhe a. Fela Elenathane le Delaya le Gemaria ba ne ba rapela kgosi thata gore e se ka ya fisa buka, mme ga e a ka ya ba utlwa. Le gona kgosi ya laela Jeramele, morwa kgosi, le Seraya, morwa Aseriele, le Selemia, morwa Abetele gore ba tshware mokwadi Baruge le moporofeti Jeremia, mme Morena o ne a ba fitlhile. Jaanong ya re kgosi e sena go fisa buka ele le mafoko a Baruge o neng a a kwadile a tswa mo molomong wa ga Jeremia, Lefoko la Morena la tla kwa go Jeremia la re: “Boelela o tsee buka e nngwe, o kwale mafoko otlhe a pele mo go yona, a a neng a le mo bukeng ya ntlha e Joyakime, kgosi ya Juta, o e fisitseng. Mme o bue ka ga Joyakime, kgosi ya Juta, o re: ‘Morena o bua jaana a re: Wena o fisitse buka eo wa re: Ke ka ntlhaang, fa o kwadile mo go yona wa re: Ruri, kgosi ya Babele e tla tla, e senya lefatshe le, e fedisa batho le diruiwa mo go lone? Ke ka moo Morena a buang jaana ka ga Joyakime, kgosi ya Juta, a re: Ga a kitla a nna le ngwana yo o ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita, mme setoto sa gagwe se tla bo se namaletse mo serameng bosigo le mo bolelong motshegare, se latlhilwe. Mme ene le losika lwa gagwe le batlhanka ba gagwe ke tla ba beletsa molato wa bone; bone le baagi ba Jerusalema le banna ba Juta ke tla ba tlisetsa tatlhego yotlhe e ke ba bopetseng ka yona, mme ba se ka ba utlwa.’ ” Ke fa Jeremia a tsaya buka e nngwe, a e neela mokwaledi Baruge, morwa Neria; mme mafoko aotlhe a buka e Joyakime, kgosi ya Juta, a e fisitseng ka molelo, ene a a kwala gape mo go yona a tswa mo molomong wa ga Jeremia. A ba a okediwa ka mafoko a mantsi a a tshwanang le ona. Setekia, morwa Josia, o ne a busa mo boemong jwa ga Gonya, morwa Joyakime. Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o ne a mo dirile kgosi ya lefatshe la Juta. Mme ene le batlhanka ba gagwe le morafe wa lefatshe ga ba a ka ba utlwa mafoko a Morena a o a buileng ka moporofeti Jeremia. Fela kgosi Setekia o ne a roma Jugale, morwa Selemia, le moperesiti Sefanya, morwa Maaseya, kwa go moporofeti Jeremia, ba re: “A ko o re rapelele Morena, Modimo wa rona!” E ne e le fa Jeremia a sa ntse a tswa a tsena mo gare ga morafe, mme ba ise ba mo tsenye mo ntlong ya kgolegelo. Mme mephato ya batlhabani ba ga Farao e ne e bolotse kwa Egepeto; ya re Bakalatea ba ba dikanyetsang Jerusalema ka ntwa ba utlwa jalo, ba tlogela Jerusalema. Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go moporofeti Jeremia le re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Bolelelang kgosi ya Juta jaana e e lo romileng kwa go nna go mpotsa, lo re: ‘Mephato ya batlhabani e e bolotseng go lo thusa e tla boela kwa Egepeto kwa lefatsheng la yona. Mme Bakalatea ba tla boela kwano, ba tlhasela motse o, ba o thopa, ba o fisa ka molelo.’ Morena o bua jaana a re: Lo se ka lwa itsietsa ka losi lo a re, ‘Bakalatea ba tla re tlogelela ruri.’ Nnyaya, ga ba nke ba tloga! Mme le fa lo ka fenya mephato yotlhe ya batlhabani ba Bakalatea ba ba tlhabanang le lona, ga sala banna ba ba khutlegileng fela, ba tla tsoga, mongwe le mongwe mo tenteng ya gagwe, ba fisa motse o ka molelo.” Jaanong e rile mephato ya batlhabani ba Bakalatea e sena go tlogela Jerusalema ka ntlha ya mephato ya batlhabani ba ga Farao, Jeremia a tswa mo Jerusalema, a re o ya kwa lefatsheng la Benyamene go amogela boswa teng mo bathong. Mme ya re a le mo kgorong ya Benyamene, ga bo go le mookamedi wa batlhodi gona yo leina la gagwe e leng Iria, morwa Selemia, morwa Hananya; ene a tshwara moporofeti Jeremia a re: “O rata go thobela kwa go Bakalatea.” Jeremia a fetola a re: “Ke maaka, ga ke rate go thobela kwa go Bakalatea.” Mme Iria a se ka a mo dumela; a mo tshwara, a mo isa kwa dikgosaneng. Mme dikgosana tsa galefela Jeremia, tsa mo itaya, tsa mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, mo ntlong ya mokwaledi Jonathane; gonne ba ne ba e dirile kgolegelo. E rile Jeremia a sena go tsena mo ntlong ya kgolegelo e e kwa tlase, a setse a na le malatsi a mantsi teng, kgosi Setekia a roma go mo ntsha, mme kgosi ya mmotsa mo ntlong ya yona mo sephiring ya re: “A go na le lefoko le le tswang mo Moreneng?” Jeremia a araba a re: “Ee, le teng!” A ba a re: “O tla neelwa mo diatleng tsa kgosi ya Babele.” Jeremia a feta a botsa kgosi Setekia a re: “Wena le batlhanka ba gago le morafe o ke lo leofetse ka eng, fa lo ntsentse mo ntlong ya kgolegelo? Gape: Baporofeti ba lona ba kae ba ba neng ba lo rerela ba re, ‘Kgosi ya Babele ga e nke e tla, go lo tlhasela le fa e le lefatshe le’? Mme jaanong, kgosi, morena wa me, a ko o nkutlwe! A mokokotlelo wa me o utlwale fa pele ga gago o o reng: ‘Se mpusetse kwa ntlong ya mokwaledi Jonathane, e se re gongwe ka swela teng.’ ” Ke fa kgosi Setekia a laela gore ba tsenye Jeremia mo lapeng le mo tisong ya batlhabani; le gona ba mo naya senkgwe se le sengwe ka letsatsi se se tswang mo mmileng wa babesi, ga tsamaya dijo tsa felelela mo motseng. Jeremia a nna jalo mo lapeng la batlhabani. E rile Sefatya, morwa Mathane, le Ketalea, morwa Phašure, le Jugale, morwa Selemia, le Phašure, morwa Malekhia, ba utlwa mafoko a Jeremia o a buang le morafe otlhe a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Yo o salang mo motseng o, o tla swa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo, mme yo o tswelang kwa go Bakalatea o tla phela. Bophelo e tla nna thopo ya gagwe, o tla phela.’ Morena o buile jaana a re: ‘Ruri, motse o, o tla neelwa mo diatleng tsa mephato ya batlhabani ba kgosi ya Babele, mme e tla o thopa.’ ” Dikgosana tseo tsa raya kgosi tsa re: “A a bolawe, monna yoo! Gonne ka go re jalo o repisa diatla tsa batlhabani ba ba setseng mo motseng o, le diatla tsa morafe otlhe ka go bua mafoko a a ntseng jalo nabo. Gonne monna yoo ga se yo o batlelang morafe o kagiso fa e se tatlhego fela.” Ke fa kgosi Setekia a araba a re: “Bonang, o mo diatleng tsa lona! Gonne kgosi ga e kgone sepe kwa ntle ga lona.” Ke fa ba tsaya Jeremia, ba mo latlhela mo sedibeng sa ga Malekhia, morwa kgosi, se se mo lapeng la batlhabani; ba folosa Jeremia ka megala. Jaanong go ne go se na metsi mo sedibeng, fa e se loraga fela, mme Jeremia a rôrômela mo lorageng. Jaanong e rile Ebete-Melege wa Moethiopia, mongwe wa badiredi mo lapeng la kgosi, a utlwa fa ba latlhetse Jeremia mo sedibeng – kgosi ya bo e ntse mo Kgorong ya Benyamene – Ebete-Melege a tswa mo ntlong ya kgosi, a bua le kgosi a re: “Kgosi, morena wa me, banna ba, ba dirile bosula mo go tsotlhe tse ba di diretseng moporofeti Jeremia yo ba mo latlhetseng mo sedibeng. Kana o tla swela fa a leng teng ka tlala; gonne ga go tlhole go le dijo mo motseng.” Ke fa kgosi e laolela Ebete-Melege wa Moethiopia e re: “Tsaya banna ba le 30, ba ye nao, o ntshe moporofeti Jeremia mo sedibeng, a ise a swe.” Mme Ebete-Melege a tsaya banna bao, a tsena kwa tlase ga ntlwana ya mahumo mo ntlong ya kgosi, a tsaya dikata tsa diaparo tse di gagogileng le dikata tsa diaparo tse di onetseng, a di folosetsa kwa go Jeremia mo sedibeng ka megala. Ya ba gona Ebete-Melege wa Moethiopia a rayang Jeremia a re: “A ko o bee dikata tsa diaparo tse di gagogileng le tse di onetseng mo magwafeng a gago le megala ka fa tlase ga tsona!” Jeremia a dira jalo. Ke fa ba goga Jeremia ka megala, ba mo ntsha mo sedibeng. Jeremia a ba a nna gape mo lapeng la batlhabani. Mme kgosi Setekia a roma gore ba tsise moporofeti Jeremia kwa go ene kwa botsenong jwa boraro jo bo fa Ntlong ya Morena. Jaanong kgosi ya raya Jeremia ya re: “Ke rata go go botsa potso, se ntobele sepe!” Mme Jeremia a raya Setekia a re: “Fa ke go itsise mafoko, a ga ke re, o tla mpolaela ruri? Mme fa ke go gakolola, ga o kitla o nkutlwa!” Ke fa kgosi Setekia a ikanela Jeremia mo sephiring a re: “Ka bophelo jwa Morena yo o re diretseng bophelo jo! Ruri, ga nkitla ke go bolaya, le e seng go go neela mo diatleng tsa banna ba, ba ba ratang go go bolaya!” Jaanong Jeremia a raya Setekia a re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Fa o tswela kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babele, o ineela mo go tsona, foo o tla bolokelwa bophelo, mme motse o, ga o kitla o fisiwa ka molelo, mme o tla phela, wena le ba lapa la gago. Mme fa o sa tswele kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babele, foo motse o, o tla neelwa mo diatleng tsa Bakalatea, ba tla o fisa ka molelo, mme wena ga o kitla o falola mo diatleng tsa bone.’ ” Ke fa kgosi Setekia a araba Jeremia a re: “Kana ke boifa Bajuta ba ba setseng ba thobetse kwa go Bakalatea, e se re gongwe ba nneela mo diatleng tsa bone gore ba ntshotle.” Mme Jeremia a re: “Ga ba ka ke ba go neela. Utlwa tlhe lentswe la Morena mo go tse ke di buang nao! Foo o tla dirafalelwa ke tse di molemo, mme o tla phela. Mme fa o gana go ineela, foo lefoko le Morena o le mpontshitseng ke le le reng: Bona, basadi botlhe ba ba setseng mo ntlong ya kgosi ya Juta ba tla ntshediwa kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babele, mme bone ba tla go sotla ba re: “ ‘Ditsala tsa gago di go raetse, tsa go kgona; maoto a gago a rorometse mo lorageng, mme tsona tsa boela kwa morago.’ “Mme ba tla ntshetsa basadi botlhe ba gago le bana ba gago kwa go Bakalatea, le wena ka wesi ga o na go falola mo diatleng tsa bone, mme o tla tshwarwa ke seatla sa kgosi ya Babele, mme motse o, o tla fisiwa ka molelo.” Ke fa Setekia a raya Jeremia a re: “A mafoko a, a se ka a itsiwe ke ope, e se re gongwe wa swa. Mme fa dikgosana di ka utlwa gore ke buile nao, fa di tla kwa go wena, di go raya di re: ‘A ko o re itsise se o se buileng le kgosi le se kgosi e se buileng nao. Se re lobele sepe, foo ga re ka ke ra go bolaya –’ gona o di ree o re: ‘Ke kopile kgosi ka boikokobetso ka re: Se mpusetse kwa ntlong ya ga Jonathane gore ke se ka ka swela teng.’ ” Jaanong e rile dikgosana tsotlhe di tla kwa go Jeremia, di mmotsolotsa, a di itsise mafoko otlhe a, a kgosi e mo laetseng ona. Tsa ba tsa mo tlogela, gonne puisanyo e ga e a ka ya utlwala. Mme Jeremia a nna mo lapeng la batlhabani go fitlha letsatsing le Jerusalema o thopilweng ka lone. Jaanong ya re Jerusalema a sena go thopiwa. Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o ne a tla kwa Jerusalema le mephato yotlhe ya batlhabani ba gagwe, a dikanyetsa motse ka ntwa, ka ngwaga wa robongwe wa ga Setekia, kgosi ya Juta, mo kgweding ya lesome. Mme ba sutlhelela mo teng ga motse ka ngwaga wa 11 wa ga Setekia mo kgweding ya bone, ka letsatsi la robongwe la kgwedi. Dintona tsotlhe tsa kgosi ya Babele tsa tsena, tsa nna mo Kgorong e e mo Gare, e bong Neregale-Saresere le Samgare-Nebo le Saresegime, yo e leng tlhogo ya badiredi ba lapa la kgosi, le Neregale-Saresere, tlhogo ya balepi ba dinaledi, le dikgosana tsotlhe tse dingwe tsa kgosi ya Babele. Mme ya re Setekia, kgosi ya Juta, le batlhabani botlhe ba di bona, ba tshaba ba tswa mo motseng bosigo ka tsela e e yang kwa tshimong ya kgosi ka kgoro e e mo gare ga dipota tse pedi, ba tswelela pele ka tsela e e yang kwa lebaleng la Joretane. Mme mephato ya Bakalatea ya ba latelela, ya tshwarela Setekia mo dinageng tsa Jerigo; ba mo tshwara, ba mo isa kwa go Nebukatenesare, kgosi ya Babele, kwa Ribela mo lefatsheng la Hamathe, mme ene a mo atlhola. Kgosi ya Babele ya bolaya bomorwa Setekia kwa Ribela fa pele ga matlho a gagwe; le gona kgosi ya Babele ya bolaya batlotlegi botlhe ba Bajuta. Setekia ene ya mo foufatsa matlho, ya mmofa ka dikeetane tsa kgotlho go mo isa kwa Babele. Mme Bakalatea ba fisa ntlo ya kgosi le matlo a morafe ka molelo, ba phoma dipota tsa Jerusalema. Masalela a batho ba ba setseng mo motseng le bathobi ba ba thobetseng kwa go ene le masalela a ditswerere, bao ba isiwa kwa Babele mo botshwarong ke Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi. Fela bangwe ba e leng batho fela ba ba se nang sepe, bao Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, a ba sadisa mo lefatsheng la Juta, a ba abela masimo a moweine le masimo ka letsatsi leo. Mme Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o ne a laetse Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, ka ga Jeremia a re: “Mo tsee, o mo tlhokomele, o se ka wa mo direla bosula bope, mme o mo direle jaaka a go bolelela.” Jaanong Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, le Nebusasebane, mookamedi wa badiredi ba lapa la kgosi, le Neregale-Saresere, mookamedi wa balepi ba dinaledi, le ba bagolo botlhe ba kgosi ya Babele, ba roma ba tsaya Jeremia mo lapeng la batlhabani, ba mo neela Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane, gore a mo ntshe, a mo ise kwa gae. Jeremia a nna jalo mo gare ga batho. Le gona Lefoko la Morena le ne le tlile kwa go Jeremia a sa ntse a tswaletswe mo lapeng la batlhabani la re: “Yaa o ree Ebete-Melege wa Moethiopia o re: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Bona, ke tla dirafaletsa motse o mafoko a me a a bolelang tatlhego, e seng a a bolelang pholoso, mme go tla dirafala jalo fa pele ga matlho a gago ka letsatsi leo. Mme wena ke tla go pholosa ka letsatsi leo,’ go bua Morena. ‘Ga o kitla o neelwa mo diatleng tsa banna ba o ba boifang. Ruri, ke tla go falodisa gore o se ka wa wa ka tšhaka, mme bophelo jwa gago e tla nna thopo e o e bonang, gonne o ikantse nna.’ ” Morena o buile jalo. Lefoko le le tlileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng, fa Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, a sena go mo golola kwa Rama ka go mo tsaya a ntse a golegilwe ka dikeetane a le mo gare ga batshwarwi botlhe ba Jerusalema le ba Juta ba ba isiwang mo botshwarong kwa Babele. Mookamedi wa bafemedi ba kgosi o ne a roma, a tsaya Jeremia, a mo raya a re: “Morena, Modimo wa gago, o bôpetse felo fano tatlhego e. Le gona Morena o e tlisitse, a e dirafatsa jaaka a buile; gonne lo leofetse Morena, lwa se ka lwa utlwa lentswe la gagwe. Ke ka moo e lo wetseng. Jaanong bona, ke go bofolola mo dikeetaneng kajeno tse di mo diatleng tsa gago. Fa go le molemo mo matlhong a gago go ya le nna kwa Babele, tlaya, ke tla go tlhokomela; mme fa go sa siama mo matlhong a gago go ya le nna kwa Babele, lesa! Bona, lefatshe lotlhe le fa pele ga gago, yaa kwa go leng molemo mo matlhong a gago le kwa go go siametseng.” Jaanong ya re Jeremia a ise a boe, a re: “Boela kwa go Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane, yo kgosi ya Babele e mo laodisitseng metse ya Juta, o nne nae mo gare ga batho, kampo o ye kwa gongwe le gongwe, fa go siameng mo matlhong a gago go ya teng.” Le gona mookamedi wa bafemedi ba kgosi a mo naya mfago le neo, a ba a mo letlelela go tsamaya. Mme Jeremia a fitlha kwa go Ketalea, morwa Ahikame, kwa Mitsepha, a nna nae mo gare ga batho ba ba setseng mo lefatsheng. Jaanong balaodi botlhe ba batlhabani ba ba neng ba le kwa nageng, bone le banna ba bone ba utlwa fa kgosi ya Babele e laodisitse Ketalea, morwa Ahikame, lefatshe. Ba be ba utlwa fa e mo dirile mookamedi wa banna le basadi le bana, e bong ba e leng batho fela ba lefatshe ba ba sa isiwang mo botshwarong kwa Babele. Bao ba tla ka go Ketalea kwa Mitsepha, e bong Isemaele, morwa Nethanya, le Johanane le Jonathane, bomorwa Karea, le Seraya, morwa Thanumethe, le bomorwa Efai wa kwa Netofa, le Jesanya, morwa Maaga, bone le banna ba bone. Mme Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane, a ba ikanela le banna ba bone a re: “Se boifeng go direla Bakalatea! Nnang mo lefatsheng, lo direle kgosi ya Babele; foo lo tla phela sentle. Bonang nna ka nosi ke nna mono Mitsepha go nna mosiamisi fa gare ga lona le Bakalatea, mme lona phuthang weine le maungo a selemo le lookwane, lo di bee mo dinkgong tsa lona, lo nne mo metseng ya lona e lo e gapileng.” E bile Bajuta botlhe ba ba kwa Moabe le kwa Baamoneng le kwa Etomo le ba ba kwa mafatsheng otlhe a mangwe, e rile ba utlwa fa kgosi ya Babele e tlogeletse Juta masalela, e bile e ba laodisitse Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane, Bajuta botlhe ba boa mo mafelong otlhe kwa ba leleketsweng gona, ba tla mo lefatsheng la Juta kwa go Ketalea kwa Mitsepha, ba phutha weine le maungo a selemo a mantsi thata. Mme Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba neng ba le kwa nageng, ba tla kwa go Ketalea kwa Mitsepha, ba mo raya ba re: “A o a itse gore Baalese, kgosi ya Baamone, o romile Isemaele, morwa Nethanya gore a go bolae?” Mme Ketalea, morwa Ahikame, a se ka a ba dumela. Mme Johanane, morwa Karea, a raya Ketalea mo sephiring kwa Mitsepha a re: “Nte ke ye, ke bolae Isemaele, morwa Nethanya, go sa itse ope. Kana o tla bo a go bolaelang gore Bajuta botlhe ba ba phuthegetseng kwa go wena ba faladiwe, le masalela a Juta a nyelele?” Mme Ketalea, morwa Ahikame, a raya Johanane, morwa Karea, a re: “O se ka wa dira jalo! Gonne o bua maaka ka ga Isemaele.” E rile ka kgwedi ya bosupa ga tla ene Isemaele, morwa Nethanya, morwa Elisama, e le mongwe wa losika lwa kgosi le wa ditona tsa yona; a tla kwa go Ketalea, morwa Ahikame, kwa Mitsepha, a na le banna ba le some; ba ja bogobe gona ba le mmogo kwa Mitsepha. Ke fa Isemaele a nanoga le banna ba le some ba ba nang nae, ba rema Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane, ka tšhaka; mme ene Isemaele a mmolaya, a swa, yo kgosi ya Babele e mo laodisitseng lefatshe. Le gona Isemaele a bolaya Bajuta botlhe ba ba neng ba na le Ketalea gona mo Mitsepha, le Bakalatea ba ba fitlhetsweng teng, ba e leng batlhabani. Jaanong ka letsatsi la bobedi, Ketalea a sena go bolawa, go ise go itse ope, ga tla banna ba le 80, ba tswa kwa Šegeme le kwa Silo le kwa Samaria, ba beotswe ditedu, ba gagotse diaparo, ba iphatsitse, ba tshotse ditshupelo tsa dijo le maswalo ka diatla go di isa kwa Ntlong ya Morena. Isemaele, morwa Nethanya, a tswa mo Mitsepha, a ba kgatlhantsha, a tsamaya a ntse a lela. Ya re a kgatlhana nabo, a ba raya a re: “Tlaang kwa go Ketalea, morwa Ahikame.” Mme ya re ba sena go fitlha mo gare ga motse, Isemaele, morwa Nethanya, a ba bolaya, a ba latlhela mo sedibeng; ga dira ene le banna ba ba nang nae. Mo go bone go ne go le banna ba le some; bone ba raya Isemaele ba re: “Se re bolae! Gonne re na le mahumo a a fitlhilweng kwa masimong. Ke mabele le garase le lookwane le mafura a dinotshe.” Ke fa a ba lesa, a sa ba bolae le ba ga bone. Sediba seo Isemaele o latlhetseng ditoto tsa banna ba a ba bolaileng mo go sona mmogo le setoto sa ga Ketalea, ke sona se se epilweng ke kgosi Asa, fa a lwa le Baesa, kgosi ya Iseraele. Ke sona se Isemaele, morwa Nethanya, a neng a se tlatsa direpa. Jaanong Isemaele a thopa masalela aotlhe a morafe a a neng a le kwa Mitsepha, e le bomorwadia kgosi le batho botlhe ba ba sadisitsweng kwa Mitsepha, e bong bone ba Nebusaratane, mookamedi wa bafemedi ba kgosi, a neng a ba laodisitse Ketalea, morwa Ahikame; bone bao Isemaele, morwa Nethanya, a ba isa mo botshwarong, a tloga ka bone gore a fetele kwa Baamoneng. Mme e rile Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba nang nae, ba utlwela tse di bosula tsotlhe tse Isemaele, morwa Nethanya, a di dirileng, ba tsaya banna botlhe, ba ya go lwa le Isemaele, morwa Nethanya, ba mo fitlhela a le kwa letsheng le legolo le le mo Gibeone. Jaanong ya re batho botlhe ba ba neng ba na le Isemaele, ba bona Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba nang nae, ba itumela. Bone batho botlhe ba Isemaele a neng a ba thopile kwa Mitsepha, ba retologa, ba boa, ba ya kwa go Johanane, morwa Karea. Mme Isemaele, morwa Nethanya, a falola mo go Johanane, a na le banna ba ba robedi, a ya kwa Baamoneng. Ke fa Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba nang nae ba tsaya masalela otlhe a batho ba Isemaele, morwa Nethanya, a ba thopileng kwa Mitsepha, a sena go bolaya Ketalea, morwa Ahikame, e bong banna le batlhabani le basadi le bana le badiredi ba kgosi ba a ba busitseng kwa Gibeone. Ba tloga teng, ba ya go nna kwa Geruthe-Kimehame, ke felo fa go gaufi le Betleheme; ba re ba ya kwa Egepeto, e le go tshaba Bakalatea, gonne ba ba boifa, ka Isemaele, morwa Nethanya, a bolaile Ketalea, morwa Ahikame, yo kgosi ya Babele e mo laodisitseng lefatshe. Mme balaodi botlhe ba batlhabani le Johanane, morwa Karea, le Asaria, morwa Hosaya, le batho botlhe, ba bagolo le ba bannye, ba atamela, ba raya moporofeti Jeremia ba re: “A ko o utlwe se re se kopang, ra re, re rapelele Morena, Modimo wa gago, rona le masalela otlhe a. Kana re ne re le bantsi, mme re setse re le bannye fela, jaaka o re bona ka matlho. A Morena, Modimo wa gago, a re itsise tsela e re ka tsamayang ka yona, le tse re ka di dirang.” Moporofeti Jeremia a ba araba a re: “Ke lo utlwile. Itseng gore ke tla lo rapelela Morena, Modimo wa lona, jaaka lo kopile. Le gona ke tla lo itsise tsotlhe tse Morena a lo fetolang ka tsona, ke sa lo lobele lefoko lepe.” Ke fa ba raya Jeremia ba re: “A Morena e nne mosupi wa boammaaruri le boikanyo yo o re otlang, fa re sa dire tsotlhe ka fa mafokong a o a re bolelelang, o romilwe ke Morena, Modimo wa gago. Lentswe la Morena, Modimo wa rona, yo re go romelang kwa go ene, re tla le utlwa, le fa le le molemo gongwe le le botlhoko, gore re tle re phele sentle ka go utlwa lentswe la Morena, Modimo wa rona.” Jaanong ya re malatsi a le some a sena go feta, Lefoko la Morena la tla kwa go Jeremia. Ke fa a bitsa Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba nang nae, le batho botlhe, ba bagolo le ba bannye, a ba raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, yo lo nthomileng kwa go ene gore ke lo rapelele ka boikokobetso, o bua jaana a re: ‘Fa lo nna mo lefatsheng le, lo iketlile, ke tla lo agisa, ke sa lo rutle; ke tla lo tlhoma, ke sa lo kumole. Gonne ke utlwa botlhoko ka ntlha ya petso e ke e lo diretseng. Se boifeng kgosi ya Babele e lo e tshabang!’ Morena a re: ‘Lo se ka lwa e boifa, gonne ke na le lona gore ke lo thuse, ke lo pholose mo seatleng sa yona. Ke tla lo direla ka kutlwelo-botlhoko gore e lo tlhomogele pelo, e lo agise mo nageng ya lona.’ “Fela fa lo ka re: ‘Ga re rate go nna mo nageng e’ – kana ke go se utlwe lentswe la Morena, Modimo wa lona! – Fa lo re: ‘Nnyaya! Rona re rata go ya kwa lefatsheng la Egepeto kwa re sa boneng ntwa teng, kwa re sa utlweng modumo wa lonaka teng, kwa re sa tlhokeng bogobe teng; ke kwa re tla nnang gona.’ Fa lo ka re jalo, gona utlwang Lefoko la Morena, lona masalela a Juta! Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Fa lo ikaeletse tota go ya kwa Egepeto, fa lo ya teng go jaka gona, foo tšhaka e lo e boifang e tla lo fitlhela gona kwa lefatsheng la Egepeto; le tlala e lo e tshabang e tla lo sala morago teng kwa Egepeto, mme lo tla swela gona. Ee, banna botlhe ba ba ikaeletseng go ya kwa Egepeto le go jaka gona ba tla swa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo. Ga go ne go nna ope mo go bone yo o falolang le e seng go phologa mo tatlhegong e ke tla ba digelang mo go yona.’ “Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bogale jwa me le kgalefo ya me di goromeleditswe mo baaging ba Jerusalema, kgalefo ya me e tla goromelediwa mo go lona jalo, fa lo ya kwa Egepeto. Lo tla nna thogo le theregiso le khutso le kgobo, mme felo fa ga lo kitla lo tlhola lo go bona.’ “Lona masalela a Juta, Morena o raya lona fa a re: ‘Lo se ka lwa ya kwa Egepeto!’ Itsetseng ruri gore ke lo tlhagisitse kajeno. Kana lo timetse mo lo tla itshenyetsang maphelo! Gonne lo nthomile ka losi kwa Moreneng, Modimo wa lona, lwa re: ‘Re rapelele Morena, Modimo wa rona, o re itsise tsotlhe tse Morena, Modimo wa rona, o di buang. Re tla di dira.’ Kajeno ke di lo begetse, mme ga lo a utlwa lentswe la Morena, Modimo wa lona, le e seng sepe sa tse o nthomileng kwa go lona ka tsona. Jaanong itseng tota gore lo tla swa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo mo felong kwa lo tla yang teng go jaka gona ka boithatelo jwa lona.” E rile Jeremia a sena go fetsa go bua le batho botlhe mafoko otlhe a Morena, Modimo wa bone, a Morena, Modimo wa bone, o neng a mo romile kwa go bone ka ona, e leng mafoko aotlhe ao, ga bua Asaria, morwa Hosaya, le Johanane, morwa Karea, le banna botlhe ba ba ikgantshang, ba raya Jeremia ba re: “O bua maaka. Morena, Modimo wa rona, ga a go roma gore o bue o re: ‘Lo se ka lwa ya kwa Egepeto go jaka gona.’ Baruge ene o a go tlhotlheletsa gore o se ka wa dumalelana le rona, e le gore re neelwe mo diatleng tsa Bakalatea gore ba re bolae, ba re ise mo botshwarong kwa Babele.” Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani le batho botlhe ba ne ba gana jalo go utlwa lentswe la Morena le le reng, ba nne mo lefatsheng la Juta. Mme Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba tsaya masalela otlhe a Bajuta a a neng a boile kwa ditšhabeng tsotlhe, kwa a tshabetseng teng, a tla go nna mo lefatsheng la Juta; ba tsaya banna le basadi le bana le bomorwadia kgosi le botlhe ba ba sadisitsweng ke Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, mo go Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane. Le ene moporofeti Jeremia ba mo tsaya mmogo le Baruge, morwa Neria, ba hudugela kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ba ganne go utlwa lentswe la Morena; ba fitlha kwa Thagephanese. Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go Jeremia, ba le kwa Thagephanese, le re: “Tsaya mafika a magolo, o a epele mo lapeng le le fa pele ga mojako wa ntlo ya ga Farao mono Thagephanese, o ntse o bonwa ke banna ba Bajuta. Mme o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Itseng gore ke tla lo romela Nebukatenesare, kgosi ya Babele, motlhanka wa me, ke mo tlisa koo; ke baya senno sa gagwe sa bogosi mo mafikeng ao – a ke a epetseng – ene o tla tlhoma tente ya gagwe ya bogosi mo go ona. O tla tla, a otla naga ya Egepeto. Ba ba tshwanetsweng ke leroborobo ba tla ya leroborobong; ba ba tshwanetsweng ke botshwaro ba tla ya mo botshwarong; ba ba tshwanetsweng ke tšhaka ba tla bolawa ka tšhaka. Ke tla tshuba molelo mo matlong a medimo ya Baegepeto; ene o tla a fisa, medimo yona a e thopa. O tla thukhutha lefatshe la Egepeto jaaka modisa a apara kobo ya gagwe, a ba a tloga a le mo kagisong. Ditshwantsho tse di metloutlo tsa tempele ya letsatsi e e mo lefatsheng la Egepeto o tla di thubaganya, a fisa matlo a medimo ya Egepeto ka molelo.’ ” Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia ka ga Bajuta botlhe ba ba agileng mo lefatsheng la Egepeto, ba ba agileng kwa Migetole le kwa Thagephanese le kwa Nofe le mo lefatsheng la Phatherose la re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Tatlhego e ke e digetseng mo Jerusalema le mo metseng yotlhe ya Juta, lo e bonye ka losi. Ke ale marope a a se nang moagi kajeno! Ke ka ntlha ya bosula jo ba bo dirileng go nkgakatsa ka go ya go fisetsa medimo e sele maswalo le ka go e direla, e e neng e sa itsiwe ke bone le lona le borraeno. Le gale ke ne ke ntse ke lo romela baporofeti, batlhanka ba me, ka ba roma ka tlhoafalo ka re: A ko lo se ka lwa dira makgapha a a ntseng jalo a ke a tlhoileng! Mme ga ba a ka ba utlwa le e seng go sekega ditsebe; ga ba a ka ba boa mo boikepong jwa bone le e seng go bakela go fisetsa medimo e sele maswalo. Ka moo kgalefo ya me ya goromediwa, bogale jwa me jwa tuka mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema; ya fetoga marope le sekaka jaaka di bonwa kajeno.’ “Jaanong Morena, Modimo wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke ka ntlhaang, fa lo itshenyetsa maphelo, lo ipolaela banna le basadi le bana le masea mo Juta, lo sa itshadisetse masalela ape? Ke eng, fa lo nkgakatsa ka ditiro tsa diatla tsa lona le ka go fisetsa medimo e sele maswalo mo lefatsheng la Egepeto, kwa lo tlileng go jaka teng, gore lo ipolae ka losi, gore lo nne thogako le kgobo mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe? A lo lebetse masula a borraeno le masula a dikgosi tsa Juta le masula a basadi ba tsona le masula a lona le masula a basadi ba lona a ba a dirileng mo lefatsheng la Juta le mo mebileng ya Jerusalema? Go fitlha kajeno ga ba ise ba inyatse, ga ba boife, ga ba sepele ka fa molaong wa me le e seng ka fa ditaolong tsa me, tse ke di beileng fa pele ga lona le fa pele ga borraeno.’ “Ke gona ka moo Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a buang jaana a re: ‘Itseng gore ke ikaeletse go lo direla se se botlhoko le go nyeletsa Juta yotlhe. Ke tla tlosa masalela a Juta a a ikaeletseng go ya kwa lefatsheng la Egepeto le go jaka teng. A tla nyelela otlhe mo lefatsheng la Egepeto, a wa ka tšhaka, a nyelela ka tlala, ba bagolo le ba bannye. Ba tla swa ka tšhaka le ka tlala, ba nna thogo le theregiso le khutso le kgobo. Ba ba agileng mo lefatsheng la Egepeto ke tla ba betsa jaaka ke beditse Jerusalema ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo. Mo masaleleng a Juta a a tlileng go jaka mo lefatsheng la Egepeto go tla bo go se na ope yo o falolang, yo o gologang gore a boele kwa lefatsheng la Juta, le ba le tlhologeletsweng go nna gape mo go lone. Gonne ga ba kitla ba boela teng, fa e se batshabinyana ba se kae fela.’ ” Ke fa banna botlhe ba ba neng ba itse sentle gore basadi ba bone ba fisetsa medimo e sele maswalo, le basadi botlhe ba ba emeng gona, e le bontsi jo bogolo, le batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng la Egepeto le la Phatherose, ba araba Jeremia ba re: “Fa e le lefoko le o le buileng le rona mo leineng la Morena, ga go na ope mo go rona yo o le utlwisisang. Mme re tla dira tsotlhe tse re di ikanetseng di tswa mo melomong ya rona: Re tla fisetsa mohumagadi-wa-legodimo maswalo, re mo tshelela ditshupelo tsa dino, jaaka go dirile rona le borraetsho le dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema; ra kgora bogobe, ra phela sentle, re sa bone bosula bope. Mme fa e sa le re khutla go fisetsa mohumagadi-wa-legodimo maswalo le go mo tshelela ditshupelo tsa dino, go tloga foo re tlhokile dilo tsotlhe, ra nyelela ka tšhaka le ka tlala.” Basadi ba re: “Fa rona re fisetsa mohumagadi-wa-legodimo maswalo, re mo tshelela ditshupelo tsa dino; fa re mmopela dinkgwenyana tsa go mo tshwantsha, re mo tshelela ditshupelo tsa dino, a re dira jalo kwa ntle ga banna ba rona?” Ke fa Jeremia a raya morafe otlhe, e bong banna le basadi le batho botlhe ba ba mo arabileng ka mokgwa oo, a re: “Maswalo a lo a fisitseng mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema, lona le borraeno le dikgosi tsa lona le dikgosana tsa lona le batho ba ba kwa merakeng, a ga ke re, ke ona a Morena o a gopotseng, a a gakologelwa ka pelo? Jaanong e re ka Morena a sa tlhole a kgona go itshokela bosula jwa ditiro tsa lona, le maila a lo a dirileng, lefatshe la lona le fetogile sekaka le theregiso le thogako, le tlhoka yo o nnang mo go lone, jaaka le ntse kajeno. E re ka lo fisitse maswalo, lwa leofela Morena jalo, lo sa utlwe lentswe la Morena, lo sa sepele ka fa molaong wa gagwe le e seng ka fa ditaolong tsa gagwe le fa e le ka fa ditshupong tsa gagwe, ke ka moo tatlhego eo e lo wetseng e lo leng mo go yona kajeno.” Gape Jeremia a raya batho botlhe le basadi botlhe a re: “Utlwang Lefoko la Morena, lona Bajuta lotlhe ba lo nnang mo lefatsheng la Egepeto. Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Lona le basadi ba lona, tse lo di buileng ka melomo, ke tsona tse lo di dirang ka diatla. Lo buile lwa re: Ruri, re tla dirafatsa maikano a rona a re a ikanneng ra re: Re tla fisetsa mohumagadi-wa-legodimo maswalo, re mo tshelela ditshupelo tsa dino.’ Ee, tlhomamisang maikano a lona! Ee, dirafatsang maikano a lona! Fela utlwang Lefoko la Morena, lona Bajuta lotlhe ba lo nnang mo lefatsheng la Egepeto! Morena a re: ‘Itseng gore ke ikanne ka leina le legolo la me ka re: Ga go kitla go tlhola go nna Mojuta ope mo lefatsheng lotlhe la Egepeto yo o tla bitsang leina la me ka molomo wa gagwe a re: Ka bophelo jwa Morena Modimo! Bonang, ke tla ba tsotelela gore ba dirafalelwe ke bosula, e seng molemo. Banna botlhe ba Juta ba ba mo lefatsheng la Egepeto ba tla nyelela ka tšhaka le ka tlala, go tsamaya ba felele. Ba ba falolang mo tšhakeng, ba boa mo lefatsheng la Egepeto, ba boela kwa lefatsheng la Juta, e tla nna ba se kae fela. Masalela otlhe a Bajuta ba ba tsileng mono lefatsheng la Egepeto go jaka gona a tla lemoga gore ke lefoko la ga mang le le dirafalang, a la me gongwe la bone.’ Morena a re: ‘Sesupo se se supang gore ke nna ke tla lo otlang mo felong fano gore lo tle lo itse, fa mafoko a me a tla lo dirafalela ruri go lo betsa,’ ke se Morena o se buang jaana a re: ‘Bonang, ke tla neela Farao Hofera, kgosi ya Egepeto, mo diatleng tsa baba ba gagwe, mo diatleng tsa ba ba ratang go mmolaya, jaaka ke neetse Setekia, kgosi ya Juta, mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mmaba wa gagwe, yo o neng a rata go mmolaya.’ ” Lefoko le moporofeti Jeremia o le boleletseng Baruge, morwa Neria, ka ngwaga wa bone wa ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, fa a kwala mafoko ao mo bukeng, a tswa mo molomong wa ga Jeremia, ke le le reng: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a raya wena Baruge a re: O rile: ‘A tatlhego ya me wee! Gonne Morena o okeditse botlhoko jwa me ka bohutsana. Ke itapisitse ka go fegelwa ga me, boikhutso ga ke bo bone.’ “Mo ree jaana o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bona, tse ke di agileng ke a di rutla; tse ke di tlhomileng ke a di kumola. Tseo di raya lefatshe lotlhe. Mme wena, a o ipatlela tse dikgolo? Se di batle! Gonne bona, ke tla tlisa tatlhego e e welang batho botlhe.’ Morena o bua jalo. ‘Fela ke tla go naya bophelo jwa gago e le thopo gongwe le gongwe kwa o yang teng.’ ” Lefoko la Morena le le tlileng kwa go moporofeti Jeremia ka ga ditšhaba. Ka ga Egepeto. Ka ga mephato ya batlhabani ba ga Farao Nego, kgosi ya Egepeto, ba ba neng ba le kwa nokeng ya Ferathe kwa Karekemiše, ba ba fentsweng ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele, ka ngwaga wa bone wa puso ya ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta. “Baakanyang thebe le thejana, lo bolole go tlhabana! Golegang dipitse lo di palame, lona bapalami; ikemiseng lo rwele dikuane tsa ntwa; gotlhang marumo, lo apare ditshipi tsa phemelo! “Ke ka ntlhaang fa ke bona ba nyema moko, ba boela kwa morago? Bagale ba bone ba fentswe, ba tshabela pele, ba sa gadime. Go poitshego mo ntlheng tsotlhe,” go bua Morena. “Yo o lobelo ga a na go falola; seganka ga se na go phologa. Ba kgopilwe ba wa kwa bokone fa losing lwa noka ya Ferathe. Ke mang yo o gogomogang jaaka Nile, yo metsi a gagwe a phothoselang jaaka dinoka? Ke Egepeto yo o gogomogang jaaka Nile; ke metsi a gagwe a a phothoselang jaaka dinoka a re: ‘Ke tla gogomoga, ke khurumetsa lefatshe, ke senya motse le ba ba agileng mo go ona. Phalalang, lona dipitse, kgothoselang, lona dikoloi tsa ntwa, bololang, lona diganka, lona Baethiopia le Baphute ba lo tshwereng dithebe; lona Balute ba lo tshwereng mara, lo a gagamatsa!’ ” Letsatsi leo ke la Morena, Modimo wa masomosomo, ke letsatsi la pusoloso gore a ipusolosetse mo babeng ba gagwe. Tšhaka ya Morena e tla ja, e kgora, e tlhapelwa ka madi a bone. Gonne Morena, Modimo wa masomosomo o na le setlhabelo mo lefatsheng la bokone kwa nokeng ya Ferathe. Yaa go tsaya boroku jo bo alafang kwa Gileate, wena lekgarebe, morwadia Egepeto! Mme o batlela ditlhare tse dintsi lefelafela; ga o na go fola. Ditšhaba di utlwetse ditlhong tsa gago. Selelo sa gago se tletse ka lefatshe. Mogale o thulanye le mogale, ba wa mmogo ka bobedi jwa bone. Lefoko le Morena o le buileng le moporofeti Jeremia la go re, Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o tla tla, a kgemetha lefatshe la Egepeto, ke le le reng: “Itsiseng kwa Egepeto, utlwatsang kwa Migetole, lo bolele kwa Nofe le kwa Thagephanese lo re: ‘Ikemiseng lo ipaakanye, gonne tšhaka e ja ba ba mo tikologong ya lona.’ Ke ka ntlhaang fa bapalami ba gago ba digilwe? Ba paletswe ke go ema, gonne Morena o ba digile. O ba digile ka bontsi, ba wa, ba welana mo ba bileng ba re: ‘Nanogang, a re boeleng kwa morafeng wa ga etsho le kwa lefatsheng le re tsaletsweng mo go lone, re tshabe tšhaka e e re fetsang.’ “Ba ne ba kua teng koo ba re: ‘Farao, kgosi ya Egepeto, ke modumo wa ntwa fela,’ mme o fositse nako e e leng yona. Ka bophelo jwa me!” Go bua yona kgosi e leina la yona e leng Morena wa masomosomo e re: “Ee, e tla tla, fela jaaka thaba ya Thabore e okame dithaba le jaaka ya Karemele e okame lewatle. Itirele dilo tsa go ya mo botshwarong, wena lekgarebe le le agileng mo Egepeto. Gonne Nofe o tla fetoga marope, o fisiwa, o tlhoka moagi. Egepeto ke kgomo e ntlentle thata; mme seboba se tlile go e loma, se tswa kwa bokone. Le batlhabani ba gagwe ba ba rapilweng ka tuelo ba teng mo go ene jaaka dipoana tse di nontshiwang, ee, le bone ba a retologa, ba tshaba botlhe, ba paletswe ke go ema. Gonne letsatsi la tatlhego ya bone le ba tletse, le sebaka sa go otliwa ga bone se tlile. Mokgwasa wa gagwe o tshwana le wa noga e e tshabang, fa baba ba tla ka bontsi, fa ba tla kwa go ene ka dilepe jaaka baremi ba ditlhare. Ba rema sekgwa sa gagwe,” go bua Morena, “ee, sekhu se se sa tsenweng. Gonne ba feta tsie ka bontsi, ke ba ba se nang palo. Morwadia Egepeto o tlhabisitswe ditlhong, a neelwa mo diatleng tsa morafe wa kwa bokone.” Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile a re: “Itseng gore ke tla otla modimo Amone o o kwa Noo le Farao le Egepeto le medimo ya teng le dikgosi tsa teng, le Farao mmogo le ba ba mo ikanyang. Ke tla ba neela mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya, mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mo diatleng tsa batlhanka ba gagwe. Mme morago ga moo Egepeto o tla agiwa gape jaaka mo malatsing a bogologolo.” Morena o buile jalo. “Mme wena Jakobe, motlhanka wa me, se boife; wena, Iseraele, se tshoge! Gonne bona, ke tla go pholosa o le kwa kgakala, le ba losika lwa gago mo lefatsheng la botshwaro jwa bone. Jakobe o tla boa, a thagama, a iketla, go se na yo o mo tshosang. Se boife, wena Jakobe, motlhanka wa me, ka gonne yo o nang nao ke Nna.” Morena o buile jalo. “Gonne ditšhaba tsotlhe tse ke go leleketseng kwa go tsona ke tla di fedisa, mme wena ga nka ke ka go fedisa. Fela ke tla go otla ka fa go go tshwanetseng. Ga nka ke ka go lesa fela ke sa go betse.” Lefoko la Morena le le tlileng kwa go moporofeti Jeremia ka ga Bafelesita, Farao a ise a thope motse wa Gasa. Morena o bua jaana a re: “Metsi ke ao, a tlhaga a tswa kwa bokone. E tla nna noka e e gogolang. E tla gogola lefatshe le tse di tletseng mo go lone, le motse le ba ba agileng mo go ona. Go tla goa batho, go bokolela botlhe ba ba agileng mo lefatsheng. Fa go utlwala mesito ya ditlhako tsa dipitse tsa gagwe le go kgothosela ga dikoloi tsa gagwe le modumo wa maotwana a tsona, borra-bana ga ba kitla ba gadima bana, gonne ba repile mabogo ka ntlha ya letsatsi le le tlang go senya Bafelesita botlhe le go nyeletsa masalela otlhe a a ka thusang Tiro le Sitone. Gonne Morena o tla senya Bafelesita ba e leng masalela a setlhakatlhake sa Khafethore. Gasa o kutilwe tlhogo, Ašekalone o sentswe, le masalela a leboa la bone. O tla iphatsa go fitlha leng? Ao, tšhaka ya Morena! O tla tlhoka boikhutso go fitlha leng? Itshomele mo kgatleng ya gago, ikhutse o nne! Fela e ka ikhutsa jang, ka Morena a e rometse go senya Ašekalone le losi lwa lewatle, a e lebisitse teng?” Ka ga Moabe. Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “A tatlhego wee ya thaba ya Nebo, gonne e sentswe. Khiriathaime o swabile, wa thopiwa. Kago ya phemelo e tlhabisitswe ditlhong, ya rerega. Tumiso ya Moabe ga e tlhole e le teng. Ba mo logetse maano a a bosula kwa Hešebone ba re: ‘A re yeng, re mo nyeletse gore e se ka ya tlhola e nna setšhaba.’ Le wena Matemena o tla senngwa, tšhaka e go latelela. Go goa go utlwala kwa Horonaime le tshenyo le thubakanyo e kgolo. “Moabe o thubakantswe. Masea a gagwe a utlwatsa selelo. Ee, ba tlhatloga kwa mapalamong a Luhithe ka selelo. Ee, go utlwiwa ba lelela thubakanyo kwa mafologong a Horonaime. Tshabang lo ipolokele bophelo, lo nne jaaka setlhatshana mo sekakeng. “Ee, e re ka o ikantse ditiro tsa gago le mahumo a gago, le wena o tla thopiwa. Modimo Kamose o tla tswa, o ya mo botshwarong mmogo le baperesiti ba ona le dikgosana tsa ona. Mosenyi o tla tla mo motseng mongwe le mongwe, go se na motse ope o o ka falolang. Mogorogoro o tla senyega, leboa le ntshiwa sekaka.” Ke ka fa Morena a buileng ka teng. “Nayang Moabe diphuka gore a fofe a tshabe. Metse ya gagwe e tla fetoga marope a go sa tlholeng go nna ope mo go ona.” Go hutsitswe yo o dirang tiro ya Morena ka botlapa. Go hutsitswe yo o thibelang tšhaka ya gagwe go tsholola madi. “Moabe o ne a iketlile go tswa bonyaneng jwa gagwe, a itsheka mo dintsheng tsa gagwe, a sa tlhotlhwe, a sa ntshiwe mo nkgwaneng, a sa tshelwe mo nkgwaneng e nngwe. Ga a ka a ya mo botshwarong. Ke ka moo moutlwalo wa gagwe o setseng mo go ene. Monkgo wa gagwe ga o a fetoga.” Ke ka moo Morena a reng: “Itseng gore malatsi a tla tla, a ka ona ke tla mo romelang batlhotlhi; ba tla mo tlhotlha, ba tsholola ditsaga tsa gagwe, ba thuba dinkgwana tsa gagwe. Foo Moabe o tla tlhabisiwa ditlhong ke Kamose jaaka Baiseraele ba tlhabisitswe ditlhong ke Bethele, kwa ba neng ba go ikanya. “Lo ka bua jang lwa re: ‘Re bagale, re dinatla mo tlhabanong’? Moabe o sentswe; ba tsenye mo metseng ya gagwe. Makau a gagwe a a tlhaotsweng a ile go bolawa.” Ke lefoko la yona kgosi e leina la yona e leng Morena wa masomosomo. “Tatlhego ya Moabe e gaufi le go tla; kotsi e tla mo wela ka lobelo lo logolo. “Mo leleleng lotlhe ba lo mo tikologong ya gagwe, lotlhe ba lo itseng leina la gagwe lo re: ‘Ijoo! Go robegile jang ne thobane ya bogosi e e tiileng le tsamma e ntlentle!’ Wena moagi, morwadia Dibone, fologa mo kgalalelong, o nne mo nageng ya lenyora! Gonne mosenyi wa Moabe o tla tlhatlogela kwa go wena, a senya diphemelo tsa gago. Emang mo tseleng, lo tlhole, lona baagi ba Aroere. Botsang monna yo o tshabileng le mosadi yo o falotseng lo re: ‘Go dirafetseng ne?’ Moabe o tlhabisitswe ditlhong, gonne o thubagantswe. Goang, lo bokolele, lo itsise kwa Arenone lo re: ‘Moabe o sentswe!’ “Katlholo e tlile, petso ya wela naga ya leboa le Holone le Jasa le Mefaathe; ya wela Dibone le Nebo le Bethe-Dibelathaime; ya wela Khiriathaime le Bethe-Gamule le Bethe-Meone; ya wela Keriothe le Bosera le metse yotlhe ya lefatshe la Moabe, e e kgakala le e e gaufi. Lonaka lwa Moabe lo kgaotswe. Letsogo la gagwe le robegile.” Morena o buile jalo. “Mo tagiseng, gonne o ikgodiseditse Morena gore Moabe a wele mo matlhatseng a gagwe, a sotlege le ene. Kampo a e ne e se Iseraele yo ò mo sotlileng? A o ne a tshwarwa a na le magodu, fa ò bileng wa mo thukhuthela tlhogo, wa mo sotla ka nako le nako, fa o bua ka ga gagwe? “Lona baagi ba Moabe, tlogelang metse, lo nne mo mafikeng, lo tshwane le leeba le le agang sentlhaga ntlheng ele ya molomo wa logaga. Re utlwetse boikgodiso jwa ga Moabe go twe, o ikgantsha thata, e bong boikgogomoso jwa gagwe le boikgodiso jwa gagwe le matepe a gagwe le go itlotla ga pelo ya gagwe.” Morena a re: “Ke itse kgalefo ya gagwe le maipelafatso a gagwe a maaka. Ba dirile ka bolotsana. Ka moo ke tla goa ka ntlha ya Moabe, ke lelela Bamoabe botlhe, ke fegelwa ka ntlha ya banna ba Kirerese. Lona ditlhare tsa moweine tsa Sibema, ke lo lelela bogolo go Jasere. Dikala tsa lona di tshetse lewatle, tsa fitlha kwa lewatleng la Jasere. Mosenyi o wetse maungo a lona a letlhafula le maungo a ditlhare tsa moweine. Go tlositswe boitumelo le lethabo mo tshimong ya ditlhare le mo lefatsheng la Moabe. Ke fedisitse weine mo dikgatelong. Ga ba nke ba e tlhotlha ka mogolokwane. Mogolokwane wa teng ga o tlhole o le monate. “Selelo sa Hešebone se fitlha kwa Eleale le kwa Jahase. Ba utlwatsa dikodu tsa bone go tswa kwa Soare go fitlha kwa Horonaime le kwa Egelathe-wa-boraro. Gonne metsi a Nimerime le ona a tla fetoga sekaka. Mo go Moabe ke tla fedisa yo o tlhatlogelang kwa thoteng ya tlhabelo, a ya go fisetsa modimo wa gagwe maswalo.” O buile jalo Morena. “Ka ntlha ya moo pelo ya me e lelela Moabe jaaka ditlhaka; ee, pelo ya me e lelela banna ba Kirerese jaaka ditlhaka. Kana ba senyegetswe ke leruo le ba neng ba le humile. Gonne botlhe ba beotswe ditlhogo, ditedu tsotlhe di pomilwe; mabogo otlhe a phatsitswe, matheka otlhe a apesitswe masela a bohutsana. Mo ditlhomesong tsotlhe tsa Moabe le mo dipatlelong tsa gagwe go lelelwa baswi fela. Gonne ke pšhwetlakantse Moabe jaaka sejana se se sa kgatlheng ope.” Morena o buile jalo. “Kana o thubakantswe jang ne! Ba goa jang! Kana Moabe o hularetse batho jang ne ka ditlhong! Moabe o tla nna tshotlo le theregiso mo go botlhe ba ba mo tikologong ya gagwe.” Gonne Morena o bua jaana a re: “Bonang, mmaba o tla fofa jaaka lenong, a tsharololela Moabe diphuka tsa gagwe. Metse e thopilwe, dikago tsa phemelo mo dithabeng di fentswe. Ka letsatsi leo dipelo tsa bagale ba Moabe di tla tshwana le pelo ya mosadi yo o segwang ke metlotsedi. Moabe o tla senngwa, a khutla go nna morafe; gonne o ikgodisitse, a tsogela Morena. Therego le gopo le seru di a go tshwara, wena moagi wa Moabe.” O bua jalo Morena. “Yo o falolang mo theregong o tla wela mo gopong; yo o tswang mo gopong o tla tshwarwa ke seru. Ee, ke tsona tse ke tla di tlisetsang Bamoabe ka ngwaga o ke ba otlang ka ona,” go bua Morena. “Bafaladi ba eme mo moriting wa Hešebone, ba feletswe ke thata. Gonne molelo o dule kwa Hešebone, kgabo ya tswa mo ntlong ya ga Sihone, ya fisa ditlhakore tsa Moabe le diphogo tsa baferetlhi. A tatlhego ya gago wee, wena Moabe! O latlhegile, morafe wa Kamose. Gonne go thopilwe bomorwao e le batshwarwi, bomorwadio ba isiwa mo botshwarong. “Mme e tla re mo malatsing a a tlang, ke buse batshwarwi ba Moabe,” go bua Morena. Tsa ka tlholo ya Moabe di felela fa. Ka ga Baamone. Morena o botsa jaana a re: “A Iseraele o tlhoka bana? Gongwe a ga a na moja-boswa? Ke go reng, fa modimo Milekome o ja boswa jwa Bagate; fa morafe wa ona o nna mo metseng ya bone? Ka moo itseng gore malatsi a tla tla,” go bua Morena, “a ke tla utlwisang Raba, mošate wa Baamone, mokgosi wa ntwa ka ona, mme o tla fetoga dithotobolo tsa marope. Metsana ya ona e tla šwa ka molelo. Iseraele o tla rua ba ba neng ba ja boswa jwa gagwe.” Morena o buile jalo. “Goa, wena Hešebone, gonne Ai o sentswe! Bokolelang, lona metsana ya Raba, lo apare masela a bohutsana, lo lelele baswi, lo kgarakgatshege mo dipoteng, gonne Milekome o tla ya mo botshwarong mmogo le baperesiti ba gagwe le dikgosana tsa gagwe. Ke eng, fa o ikgantsha ka megorogoro, ka mogorogoro wa gago o o humisang, wena morwadi yo o tenegileng, yo o ikanyang matlotlo a gagwe a re: ‘Ke mang yo o tla tlang kwa go nna?’ Itse gore ke tla dira gore o boife botlhe ba ba mo tikologong ya gago,” go bua Morena, Modimo wa masomosomo. “Mme lo tla lelekelwa, mongwe kwa, yo mongwe kwa gongwe, go se na ope yo o phuthang batshabi. “Mme morago ga moo ke tla busa batshwarwi ba Baamone.” Morena o buile jalo. Ka ga Etomo. Morena wa masomosomo o botsa jaana a re: “A ga go tlhole go na le botlhale kwa Themane? Nnyaya! Batlhalefi ba latlhegetswe ke tlhaloganyo. Botlhale jwa bone bo senyegile. Lona baagi ba Detane, tshabang lo boele kwa morago, lo nne mo dikgageng; gonne ke tla tlisetsa Esau tatlhego ya gagwe ka sebaka se ke mo otlang ka sona. Fa bakgetli ba maungo a moweine ba tla kwa go wena, ga ba kitla ba go tlogelela maronopo; fa magodu a tla bosigo, a tla senya ka fa a ratang ka teng. Gonne ke nna ka nosi ke tlositseng diphemelo tsa Esau, ka bipolola mahumo a gagwe a a fitlhilweng; ga a kgone go iphitlha. Go sentswe ba losika lwa gagwe le bomorwa-rraagwe le ba ba bapileng nae. Ga a tlhole a le teng. Tlogela masiela a gago, ke tla a phedisa; a batlholagadi ba gago ba inkanye!” Ee, Morena o bua jaana a re: “Bona, ba bangwe ba na le go nwa senwelo, le fa se sa ba tshwanela. A wena o ka lesiwa, o sa otlwe? Ga o ka ke wa lesiwa fela o sa otlwe. O tshwanetse go nwa.” Gonne Morena o buile a re: “Ke ikanne ka nna ka re: ‘Bosera o tla fetoga poitshego le kgobo le sekaka le thogako; metsana yotlhe ya teng e tla nna marope go ya go ile.’ ” Ke utlwile kitsiso e e tswang mo Moreneng; morongwi o romilwe kwa ditšhabeng a re: “Phuthegang lo tlhasele Etomo, lo bolole go ya tlhabanong.” “Gonne bona, ke go dirile yo mmotlana mo ditšhabeng le monyatsegi mo bathong. Poitshego ya gago le boikgantsho jwa pelo ya gago di go tsieditse, wena yo o agileng mo dikgageng tsa mafika, yo o ruileng ditlhoa tsa dithaba. Le fa o aga sentlhaga sa gago kwa godimodimo jaaka ntsu, ke tla go folosa teng,” go bua Morena. “Etomo o tla nna theregiso; botlhe ba ba fetang teng ba tla rerega, ba sotla ka ga dikotlo tsotlhe tse a otlilweng ka tsona. O tla tshwana le Sotoma le Gomora le metse ya teng, fa e sena go ribegediwa. Ga go kitla go nna ope teng, ga go kitla go jaka motho gona.” Morena o buile jalo. “Bonang, tau e tla tlhatlogela kwa lesakeng le le tiileng, e tswa mo sekhung sa Joretane; ke tla ba leleka jalo teng ka tshoganyetso, ke ba laodisa yo ke mo itlhaoletseng. Gonne ke mang yo o tshwanang le nna, ke mang yo o ka ntshekisang! Modisa ke mang yo o ka emelanang le nna? Ka moo utlwang maikaelelo a Morena a o ikaeletseng ka ga Etomo, le dikakanyo tsa gagwe tse o di akantseng ka ga baagi ba Themane: Ruri, ba bannye ba letsomane ba tla gogwa; naga ya bone e tla rerega ka ntlha ya bone. Modumo wa go wa ga bone o roromisa lefatshe; dikodu tsa go goa ga bone di utlwala kwa Lewatleng la Motlhaka. Bonang, mmaba o tla bolola, a fofa, a atamela, a tsharolola diphuka tsa gagwe jaaka ntsu godimo ga Bosera. Ka letsatsi leo dipelo tsa bagale ba Etomo di tla tshwana le pelo ya mosadi yo o segwang ke maralalo.” Ka ga Damaseko. “Hamathe le Arephate ba swabile, gonne ba utlwile kitsiso e e bosula; ba nyemile moko, ba tshwenyega jaaka lewatle le le sa itseng go kokobela. Damaseko o feletswe ke thata, a retologa go tshaba. Letshogo la mo wela. Tlalelo le matlhoko tsa mo tshwara jaaka mosadi yo o belegang. Kana motse o o tumileng o tlogetswe jang, ona motse o ke neng ke o itumeletse! Ka moo makau a ona a tla wa mo dipatlelong tsa ona; batlhabani botlhe ba tla nyelediwa ka letsatsi leo.” Morena wa masomosomo o buile jalo. “Mme ke tla tshuba molelo mo loboteng lwa Damaseko gore o nyeletse matlo a borena a ga Benehatate.” Ka ga Ketare le magosi a Hasore a a neng a fenngwa ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele. Morena o bua jaana a re: “Bololang, lo tlhasele Ketare, lo gatelele ba ba kwa botlhabatsatsi. Go tla thopiwa ditente tsa bone le matsomane a bone. Ba tla ba amoga masela le dithoto tsotlhe tsa bone le dikammele tsa bone, ba ba tlhabela mokgosi o o reng: ‘Therego e mo tikologong!’ “Lona baagi ba Hasore, tshabang lo ipoloke ka pele, lo iphitlhe kwa tengteng ga dikgaga!” go bua Morena. “Gonne Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o ikaeletse go lo tlhasela; o lo logetse maano.” Morena o buile a re: “Nanogang lo bololele setšhaba se se ituletseng, se iketlile, se se nnang mo tshireletsong, se se se nang dikgoro le e seng diphemelo, se se agileng se le sosi. “Dikammele ba tla di thukhuthiwa, dikgomo tse dintsi tsa bone di tla thopiwa. Ba ba sekotsweng ditlhogo ke tla ba falaletsa kwa ntlheng tsotlhe, ke ba tlisetsa tatlhego e e tswang mo ditikologong tsotlhe tsa bone.” Morena o buile jalo. “Hasore o tla fetoga dikutla tsa diphokojwe le sekaka ka bosakhutleng. Ga go kitla go aga ope gona. Ga go kitla go nna motho teng.” Lefoko la Morena ka ga Elame le le tsileng kwa go moporofeti Jeremia mo tshimologong ya puso ya ga Setekia, kgosi ya Juta, la re: Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Itseng gore ke tla roba mara a Baelame a thata ya bone e itshupang gagolo ka ona. Diphefo tse nne tse di tswang mo ntlheng tse nne tsa legodimo ke tla di fokisetsa kwa Elame; le gona ke tla ba falaletsa kwa diphefong tsona tseo gore go se nne setšhaba sepe se se tlhokang bafaladi ba Elame. Baelame ke tla ba nyemisa moko, fa go fitlha baba ba bone, fa go fitlha ba ba ratang go ba bolaya. Ke tla ba tlisetsa tatlhego, e leng bogale jwa me jo bo tukang,” go bua Morena. “Ke tla ba latedisa tšhaka go tsamaya ke ba fedise. Ke tla baya sedulo sa me sa bogosi kwa Elame, ke nyeletsa kgosi le dikgosana tsa teng.” Morena o buile jalo. “Mme e tla re mo malatsing a a tlang ke busetse Elame letlhogonolo la pele.” Morena o buile jalo. Lefoko le Morena o le buileng ka ga Babele le ka ga lefatshe la Bakalatea ka moporofeti Jeremia, la re: “Tlhabang mokgosi mo ditšhabeng, lo bolele! Emisang sefoka, lo utlwatse! Se lobeng, mme lo re: ‘Babele o thopilwe! Modimo Bele o tlhabisitswe ditlhong, modimo Merotage o pšhwetlakantswe. Ditshwantsho tsa teng di nyatsegile, medimo ya teng e thubakantswe.’ “Gonne setšhaba se bolotse kwa bokone, sa tla go tlhasela motse wa Babele. Se tla fetola lefatshe la ona sekaka. Ga go kitla go nna ope mo go lone. Batho ba tshabile, ba tloga mmogo le dikgomo tsa bone.” Morena o buile a re: “E tla re ka malatsi ao le ka sebaka seo go tle Baiseraele, bone le Bajuta mmogo, ba sepele ba ntse ba lela, ba batla Morena, Modimo wa bone. Ba tla botsa tsela e e yang kwa Sione, ba lebisa difatlhego tsa bone kwano; ba tla tla, ba ineela Morena, ba dira kgolagano e e sa khutleng, e e sa lebalweng. “Morafe wa me e ne e le letsomane le le latlhegileng, o timeditswe ke badisa ba ona, ba o faposetsa kwa dithabeng; wa tsamaya mo dithabeng le mo dithabaneng, wa lebala lesaka la ona. Botlhe ba ba o fitlhetseng ba o ja. Baba ba bone ba re: ‘Ga re dire molato, ka gonne ba leofetse Morena yo e leng lesaka la nnete, ene Morena yo borraabo ba neng ba solofela mo go ene.’ “Tshabang lo tswe mo Babele, lo huduge mo lefatsheng la Bakalatea, lo nne jaaka diphoko tse di etelelang letsomane pele. Gonne bonang, ke nna ke tla tsosang bontsi jwa ditšhaba tse dikgolo, ke di bolotsa kwa lefatsheng la bokone gore di tlhasele motse wa Babele. Di tla o ipaakanyetsa, di o thopa, di tswa teng. Metsu ya bone e tshwana le mogale yo o tlhogonolo, yo o sa boeng fela, a sa thopa sepe. Lefatshe la Kalatea e tla nna thopo; botlhe ba ba le thopang ba tla kgora.” Morena o buile jalo. “Le fa lo ka itumela, le fa lo ka duduetsa, lona ba lo thukhuthileng boswa jwa me; le fa lo ka karaganya jaaka namane mo bojannye jo bonana; le fa lo ka tlhaba mogolokwane jaaka dipheke. Mmaalona o tlhajwa thata ke ditlhong, yo o lo belegeng o a nyatsega. Mmoneng, ke wa moragorago ditšhabeng; ke naga fela le lefatshe le le omeletseng le sekaka. Ga go kitla go nna ope mo go lone ka ntlha ya bogale jwa Morena. Le tla fetoga sekaka gotlhe. Mongwe le mongwe yo o fetang kwa Babele o tla rerega, a otsa ka ga dikotlo tsotlhe tsa teng. “Dikanyetsang Babele ka ntwa, lona lotlhe ba lo hulang ka mara. Mo huleng, se rekegeleng metsu, gonne o leofetse Morena! Mo tlhabeleng mokgosi wa ntwa mo tikologong! O ineetse; dikago tsa phemelo tsa gagwe di wele, dipota tsa gagwe di phomilwe. Gonne ke yona pusoloso ya Morena mo go ene. Ipusolosetseng mo go ene, mo direleng jaaka a lo diretse. Nyeletsang bajwadi kwa Babele le ba ba kotulang ka sekele ka sebaka sa thobo. Mongwe le mongwe o tla tshaba tšhaka e e setlhogo, a retologela kwa morafeng wa ga gabo, a tshabela kwa lefatsheng la ga gabo. “Iseraele ke nku e e faladitsweng; ditau di e lelekile. Wa ntlha yo o e jeleng ke kgosi ya Asiria. Wa bofelo yo o e robileng marapo ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele.” Ke ka moo Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buang jaana a re: “Itseng gore ke tla otla kgosi ya Babele le lefatshe la yona jaaka ke otlile kgosi ya Asiria. Mme Iseraele ke tla mmusetsa kwa mafulong a gagwe. O tla fula kwa Karemele le kwa Basane, a kgora mo dithabeng tsa Eferaime le tsa Gileate. Ka malatsi ao le ka sebaka seo go tla batlwa molato wa Iseraele, mme o tlhokwa; le maleo a Juta, mme ga a bonwe. Gonne ke tla itshwarela ba ke ba sadisang.” Morena o buile jalo. “Bololela lefatshe la ‘Marukhutlhagabedi’, o le tlhasele le baagi ba ‘Maitewa’. Tlhabaka, o ba nyeleletse ruri! Dira tsotlhe tse ke di go laetseng.” Morena o buile jalo. “Go utlwala mokgosi wa ntwa mo lefatsheng la Bakalatea le tshenyego e kgolo. Kana noto e e iteileng lefatshe lotlhe e kgaotswe, e robegile jang! Kana Babele o fetogile theregiso jang mo ditšhabeng! Ke go thaisitse, le gona o tshwerwe, wena Babele, mme o sa lemoge sepe! O bonywe, le gona o tshwerwe, gonne o ne o lwa le Morena. Morena o butse ntlo ya dibolai ya gagwe, a ntsha dibolai tsa bogale jwa gagwe. Gonne Morena, Modimo wa masomosomo, o na le tiro mo lefatsheng la Bakalatea. Kgobokanelang motse wa Babele go tswa mo ntlheng tsotlhe, lo bule matlo a matlotlo a ona. A kgobokanyeng, lo dire mekoa, lo a senyetse ruri. A o se ka wa salelwa ke sepe! Bolayang dipoo tsotlhe tsa ona, a di ye tlhabong! A tatlhego ya tsone wee! Gonne go tlile letsatsi la tsone le sebaka se di otlwang ka sona. “Utlwelelang! Ba ba tshabileng, ba ba falotseng mo lefatsheng la Babele ba tlile kwa Sione, ba bega ba re: ‘Morena, Modimo wa rona, o busolositse, a busolosetsa Tempele ya gagwe.’ “Bitsang bahudi, ba tlhasele motse wa Babele! Lona lotlhe ba lo gagamatsang mara, o dikanyetseng ka ntwa. A go se ka ga falola ope! O dueleng ka fa tirong ya ona; o direleng tsotlhe tse o di dirileng! Gonne o ne o ikgodisetsa Morena, Moitshepi wa Iseraele. Ka moo makau a ona a tla wa mo mebileng ya ona; batlhabani botlhe ba ona ba tla nyelediwa ka letsatsi leo.” Morena o buile jalo. “Bona, ke nna ke lwang nao, wena yo o matepe,” go bua Morena, Modimo wa masomosomo. “Gonne go tlile letsatsi la gago le sebaka se o otlwang ka sona. Jaanong yo o makgakga o tla kgotšwa, a wa, go se na ope yo o mo tsosang. Ke tla tshuba molelo mo metseng ya gagwe gore o nyeletse tsotlhe tse di mo tikologong ya gagwe.” Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Baiseraele le Bajuta ba gatelelwa mmogo. Botlhe ba ba ba isitseng mo botshwarong, ba ntse ba ba tshwere, ba gana go ba rebola. Fela mogolodi wa bone o thata; leina la gagwe ke Morena wa masomosomo. Ruri, o tla seka kgang ya bone gore a ikhutsise lefatshe, mme a iketlolole baagi ba Babele. “A tšhaka e bolae Bakalatea le baagi ba motse wa Babele le dikgosana tsa ona le matlhale a ona!” Morena o buile jalo. “A tšhaka e bolae baaketsi ba ona gore ba silofale! A tšhaka e bolae bagale ba ona gore ba nyeme moko! A tšhaka e reme dipitse tsa ona le dikoloi tsa ona le ba-merafe-mentsi ba ba tlhakatlhakanyeng mo go ona gore ba nne boi jaaka basadi! A tšhaka e tlhasele mahumo a ona gore a thukhuthwe. A komelelo e kgadise metsi a ona gore a tšhe. Gonne ke lefatshe la medimo ya diseto. Ba tsentshiwa ke ditshosa tsa medimo. “Ka moo dibatana tsa sekaka le diphokojwe di tla nna teng; bontlokwe ba tla nna mo go lone. Ga go kitla go tlhola go nna motho teng go ya go ile; ba ditshika tsotlhe ga ba kitla ba aga gape mo go lone. Go tla nna jaaka fa Modimo o sena go ribegetsa Sotoma le Gomora le metse ya teng,” go bua Morena. “Ga go kitla go nna ope teng; motho ga a nke a jaka mo go lone. “Bonang, morafe o e tla o tswa kwa bokone; setšhaba se segolo le dikgosi tse dintsi di tswa go tsosiwa kwa dikhutlong tsa lefatshe. Ba tshwere mara le marumo; ba setlhogo, ga ba utlwele ope botlhoko. Loratla lwa bone lo tshwana le mosumo wa lewatle. Ba palame dipitse. Ba iketleeditse jaaka batlhabani gore ba lwe nao, wena morwadia Babele. E rile kgosi ya Babele e ba utlwela, diatla tsa yona tsa repa; tlalelo ya e tshwara le maralalo jaaka mosadi yo o belegang. “Bonang, tau e tla tlhatlogela kwa lesakeng le le tiileng, e tswa mo sekhung sa Joretane. Ke tla ba leleka jalo teng ka tshoganyetso, ke ba laodisa yo ke mo itlhaoletseng. Gonne ke mang yo o tshwanang le nna? Ke mang yo o ka ntshekisang? Modisa ke mang yo o ka emelanang le nna? Ka moo utlwang maikaelelo a Morena a o a ikaeletseng ka ga Babele, le dikakanyo tsa gagwe tse o di akantseng ka ga lefatshe la Bakalatea. Ruri, ba bannye ba letsomane ba tla gogwa. Ruri, mafulo a tla rerega ka ntlha ya bone. Lefatshe le tla roroma ka mokgosi o o reng: ‘Babele o thopilwe!’ Go goa ga teng go tla utlwala mo ditšhabeng.” Morena o bua jaana a re: “Bonang, ke tla tsosetsa Babele le baagi ba ‘pelo ya baganetsi ba me’ mowa wa mosenyi. Ke tla romela bafeferi kwa motseng wa Babele, ba tla o fefera, ba leafatsa lefatshe la ona, fa ba le dikanyetsa ka ntwa ka letsatsi la tatlhego ya lone. Yo o hulang ka bora a a konope yo o gagamatsang bora le yo o ikgantshang a apere ditshipi tsa phemelo! Lo se ka lwa rekegela makau a ona. Nyeletsang mephato yotlhe ya batlhabani ba ona. Go tla namalala ba ba bolailweng mo lefatsheng la Kalatea le ba ba phololeditsweng mo ditseleng tsa lone. Gonne Iseraele le Juta ga se batlholagadi ba ba tlogetsweng ke Modimo wa bone, Morena wa masomosomo. Kana lefatshe la bone Bakalatea le tletse molato wa go leofela Moitshepi wa Iseraele. Tshabang lo tswe mo motseng wa Babele! A mongwe le mongwe a ipolokele bophelo jwa gagwe! E se re gongwe lwa nyelediwa ka ntlha ya molato wa ona. Gonne ke sona sebaka sa pusoloso ya Morena. O tla o bolaisa tse o di jeleng. Babele e ne e le senwelo sa gouta mo seatleng sa Morena se se tagisitseng lefatshe lotlhe; ditšhaba di nole weine ya sona. Ke ka moo ditšhaba di tlhakanyeng tlhogo. Babele o ole ka tshoganyetso, a thubakanngwa. Mo goeleng! Batlelang botlhoko jwa gagwe setlhare. Mo gongwe o ka fodisiwa. Re ne re re, re alafa Babele, mme o paletswe ke go fola. Mo tlogeleng, mme a re yeng, mongwe le mongwe kwa lefatsheng la ga gabo. Gonne kotlo e e mo lebanyeng e fitlha kwa legodimong, e ama maru. “Morena o senotse ditshiamelo tsa rona. Tlayang a re boleleng tiro ya Morena, Modimo wa rona, kwa Sione. “Lootsang metsu, lo tsee dithebe! Morena o tlhotlheleditse bogale jwa dikgosi tsa Bamedia; gonne o logetse Babele maano a go mo senya. Gonne ke yona pusoloso ya Morena, ke gona go busolosetsa Tempele ya gagwe. Tlhomang sefoka se se lebaganyeng le dipota tsa Babele. Tiisang balebedi. Emisang batlhodi. Laelang balaledi. “Gonne tse Morena o di ikaeletseng o bile o a di dirafatsa, e leng tse o bopetseng baagi ba Babele ka tsona. Wena yo o agileng fa dinokeng tse dikgolo, yo o humileng dikhumo, go tlile bokhutlo jwa gago le khutliso ya kgwebo ya tshiamololo ya gago. Morena wa masomosomo o ikanne ka bophelo jwa gagwe a re: ‘Ruri, ke tla go tlatsa batho jaaka tsie; ba tla go tlhabela mokgosi jaaka fa go gatwa maungo a moweine.’ ” Go bua yo o dirileng lefatshe ka thata ya gagwe, yo o tlhomamisitseng lefatshe ka botlhale jwa gagwe, le gona o tsharolotse legodimo ka tlhaloganyo ya gagwe. Fa a utlwatsa kodu ya gagwe, metsi a suma kwa legodimong; o tlhatlosa meuwane kwa dikhutlong tsa lefatshe, a direla pula dikgadima, a fokisa phefo e tswa mo dipolokelong tsa gagwe. Golo fa motho mongwe le mongwe o silofetse, a se na kitso. Mothudi wa gouta mongwe le mongwe o tlhabisiwa ditlhong ke modimo wa seseto. Gonne ditshwantsho tse o di bopileng, ke maaka fela; ga go na mowa mo go tsona. Ke medimo ya boithamako fela, ke tiro e e sotlegang. E a re ka sebaka se e sekisiwang ka sona, e nyelele. Mme yo e leng kabelo ya ga Jakobe, ga a tshwane le yona. Gonne ke ene yo o bopileng dilo tsotlhe, mme Iseraele ke lotso lo e leng boswa jwa gagwe. Morena wa masomosomo ke lone leina la gagwe. “Wena Babele o ne o le noto me le sebolai sa ntwa. thubagantse ditšhaba ka wena, ka senya magosi ka wena. Ke thubagantse dipitse le bapalami ba tsona ka wena, ka thubaganya dikoloi tsa ntwa le ba ba di tanneng ka wena. Ke thubagantse banna le basadi ka wena, ka thubaganya banna bagolo le basimane ka wena, ka thubaganya makau le makgarebe ka wena. Ke thubagantse modisa le letsomane la gagwe ka wena, ka thubaganya molemi le dipholo tsa gagwe ka wena, ka thubaganya balaodi le babusi ka wena. “Mme jaanong ke tla busetsa Babele le baagi botlhe ba Kalatea bosula jotlhe jwa bone jo ba bo diretseng Sione, lona lo ntse lo lebile.” Morena o buile jalo. “Bona, ke lwa nao, wena thaba e e senyang,” go bua Morena. “Wena yo o sentseng lefatshe lotlhe, ke tla go otlololela letsogo, ke go kgokolosa mo mafikeng, ke go dira thaba e e šeleng. Ga ba kitla ba tsaya lefika la sekhutlo, le fa e le lefika la motheo mo go wena. Gonne o tla nna sekaka ka bosakhutleng.” Morena a re jalo. “Tlhomang sefoka mo lefatsheng, lo letse lonaka mo ditšhabeng! Baakanyang ditšhaba gore di tlhasele ene Babele. Biletsang magosi a Ararate le a Mini le a Asekenase kwa go ene. Laelang molaodi wa batlhabani go lwa nae. Bolotsang dipitse tse di tshwanang le tsie ya molome. Baakanyang ditšhaba di lwe nae, e bong dikgosi tsa Media le balaodi ba teng le babusi botlhe ba teng le lefatshe lotlhe la puso ya bone. Foo lefatshe le tla roroma, le le mo botlhokong, gonne Babele o dirafalelwa ke maikaelelo a Morena a gore naga ya Babele e fetoge sekaka se se se nang moagi. Bagale ba Babele ba khutlile go tlhabana, ba itunna fela mo dikagong tsa phemelo. Ba feletswe ke thata, ba fetogile basadi. Matlo a gagwe a tshubilwe, diphemelo tsa gagwe di thubakantswe. Mosiani o tla taboga, a kgatlhantsha mosiani; morongwi a kgatlhantsha morongwi gore ba itsise kgosi ya Babele fa motse wa yona o thopilwe gotlhe; fa matsibogo a thibilwe, fa motlhaka o tshubilwe, fa batlhabani ba nyemile moko.” Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “Morwadia Babele o tshwana le seboana, fa se katwa. Fa nakonyana e sena go feta, sebaka sa kotulo se tla mo tlela.” “Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o re jele, a re fedisa, a re baya fa fatshe jaaka dijana tse di se nang sepe; a re metsa jaaka leruarua, a tlatsa mala a gagwe; a re ntsha mo legaeng le lentlentle la rona, a re leleka. A kgatelelo ya rona le tatlhego ya rona di wele Babele!” a go bue jalo baagi ba Sione. “A madi a rona a sekisediwe baagi ba Kalatea!” a go bue jalo ba Jerusalema. Ke ka moo Morena a buang jaana a re: “Bonang, ke tla seka kgang ya lona, ke lo lefisetsa. Ke tla tšhesa lewatle la Babele, ke kgadisa metswedi ya gagwe. Babele o tla fetoga mekoa ya marope le dikutla tsa diphokojwe le theregiso le tshotlego, fa go sa nneng ope. Botlhe ba sa ntse ba bôpa jaaka ditawana, ba duma jaaka madumedi. Mme e tla re ba gotetse ka keletso, ke ba baakanyetse moletlo, ke ba tagise gore ba tlhapelwe, ba robale thobalo e e sa khutleng, mme ba se ka ba thanya gape.” Morena o buile jalo. “Ke tla ba isa tlhabong jaaka dikwanyana le diphelehu le diphoko. “Kana Sesage o fentswe jang! Yo o neng a tumile mo lefatsheng lotlhe o thopilwe jang! Kana Babele o fetogile jang theregiso mo gare ga ditšhaba! Lewatle le tlhatlogile, la bipa Babele; o khurumeditswe ke dintelo tsa lone tse di sumang. Metse ya gagwe e fetogile marope le naga e e omeletseng le sekaka. Ke e go sa nneng ope mo go yona, e go sa feteng motho ope kwa go yona. Ke tla otla modimo Bele wa Babele, ke ntsha tse o di meditseng mo leganong la ona. Ditšhaba ga di nke di tlhola di phuthegela kwa go ona. “Dipota tsa Babele le tsona di tla wa. Lona batho ba me, tswang mo go ene! A mongwe le mongwe a pholose bophelo jwa gagwe, a falole mo bogaleng jo bo tukang jwa Morena! “E se re gongwe pelo tsa lona tsa nyema moko, lwa boifa, fa lo utlwa magatwe a a bolelwang mo lefatsheng, e le magatwe mangwe monongwaga, le a mangwe gape isago; fa go le kgatelelo mo lefatsheng, fa babusi ba tsogelana. Ka moo itseng gore malatsi a tla tla, a ka ona ke tla otlang medimo ya diseto ya motse wa Babele. Lefatshe lotlhe la ona le tla nyatsega. Ba ba bolailweng botlhe ba ona ba tla namalala mo gare ga ona. Legodimo le lefatshe le tsotlhe tse di mo go tsona di tla dudueletsa Babele, fa ba ba o fetolang sekaka ba tla kwa go ona ba tswa kwa bokone.” Morena o buile jalo. “Babele le ene o tshwanetse go wa ka ntlha ya Baiseraele ba o ba bolaileng; kana ba ba bolailweng ba lefatshe lotlhe le bona ba ole ka ntlha ya ga Babele. “Lona ba lo falotseng mo tšhakeng, tlogang, se diegeng! Gopolang Morena lo le kwa kgakala, lo gakologelwe Jerusalema ka dipelo tsa lona. ‘Re tlhabilwe ke ditlhong, fa re utlwa dikgobo. Nyatsego e ne e sosobanya difatlhego tsa rona. Gonne baeng ba tsenye mo go tse di boitshepo tsa Ntlo ya Morena.’ Ka moo itseng gore malatsi a tla tla,” go bua Morena, “a ke tla otlang medimo ya diseto ya Babele ka ona; mme ba ba khutlegileng lwa go swa ba tla gwetla mo lefatsheng lotlhe la gagwe. Le fa Babele a ka tlhatlogela kwa legodimong, le fa a ka godisa diphemelo tsa gagwe thata: Ba ba mo fetolang sekaka ba tla tla kwa go ene, ba romilwe ke nna,” go bua Morena. “Go utlwala go goa mo go tswang kwa Babele le tshenyego e kgolo mo lefatsheng la Bakalatea. Gonne Morena o fetola Babele sekaka, o didimatsa loratla lo logolo lwa gagwe. Dintelo tsa baba di suma jaaka metsi a magolo. Mokgosi wa ntwa wa bone o a utlwala. Gonne yo o senyang Babele o tlile kwa go ene. Bagale ba gagwe ba tshwerwe, mara a bone a robilwe. Gonne Morena ke Modimo wa pusoloso; ruri, o tla busolosa. Ke tla tagisa dikgosana tsa gagwe le matlhale a gagwe le balaodi ba gagwe le babusi ba gagwe le bagale ba gagwe gore ba robale thobalo e e sa khutleng, mme ba se ka ba thanya gape.” Go buile jalo yona kgosi e leina la yona e leng Morena wa masomosomo. Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Lobota lo lo atlhameng lwa Babele lo tla ribegelediwa ruri; ditswalo tsa lone tse di godimo di tla fisiwa ka molelo. Merafe e itirela tsa lefelafela; ditšhaba di itapisetsa dilo tse di jewang ke molelo.” Lefoko le moporofeti Jeremia o le laetseng Seraya, morwa Neria, morwa Mahaseya, jale fa Seraya a ya kwa Babele le Setekia, kgosi ya Juta, ka ngwaga wa bone wa puso ya gagwe. Seraya e ne e le mookamedi wa mathibelelo. Jeremia o ne a kwala tatlhego yotlhe e e tla welang Babele mo lokwalong, e bong mafoko otlhe ao a a kwadilweng ka ga Babele. Jaanong Jeremia a raya Seraya a re: “E re o fitlha kwa Babele, o bone ka fa o ka buisang mafoko aotlhe ao ka teng o re: ‘Morena, wena o bopetse felo fa go go nyeletsa gore go se ka ga nna monni teng, le fa e le motho gongwe kgomo. Mme e tla nna marope fela ka bosakhutleng.’ E re o sena go fetsa go buisa lokwalo loo, o lo bofelele mo letlapeng, o be o lo latlhele mo nokeng ya Ferathe, o re: ‘Babele o tla nwela jalo, mme a se ke a tsoge gape ka ntlha ya tatlhego e ke e mo tlisetsang. – Mme ba tla lapa.’ ” Mafoko a ga Jeremia a felela fa. Setekia o ne a le dinyaga di le 21, fa a tsena mo bogosing. O ne a busa dinyaga di le 11 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale, morwadia Jeremia wa kwa Lebena. A dira tse di sa siamang mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile Joyakime. Gonne tseo di dirafaletse Jerusalema le Juta ka ntlha ya bogale jwa Morena, go fitlhelela a ba latlha fa pele ga gagwe. p Mme Setekia a tlhanogela kgosi ya Babele. E rile ka ngwaga wa robongwe wa puso ya gagwe ka letsatsi la lesome la kgwedi ya lesome, ga tla Nebukatenesare, kgosi ya Babele, kwa Jerusalema, a na le mephato yotlhe ya batlhabani ba gagwe; ba mo dikanyetsa ka ntwa, ba aga dikago tsa tlhaselo mo tikologong ya gagwe. Motse wa nna wa dikanyediwa jalo ke ntwa go ya ngwageng wa 11 wa kgosi Setekia. Ka la robongwe la kgwedi ya bone tlala ya nna e kgolo mo motseng; batho ba ba tswang kwa nageng ba tlhoka dijo. Ke fa ba sutlhelela mo motseng. Batlhabani botlhe ba tshaba, ba tswa mo motseng bosigo ka tsela ya kgoro e e fa gare ga dipota tse pedi, e e fa tshimong ya kgosi – Bakalatea ba ntse ba dikanyeditse motse – ba tshaba ka tsela e e yang kwa Lebaleng la Joretane. Mme batlhabani ba Bakalatea ba latelela kgosi Setekia, ba mo tshwarela mo nageng ya Jerigo. Ke fa batlhabani botlhe ba gagwe ba phatlalala, ba mo tshabela. Bakalatea ba tshwara kgosi, ba e isa kwa kgosing ya Babele kwa Ribela mo nageng ya Hamathe; yona ya e atlholela petso teng. Kgosi ya Babele ya bolaya bomorwa Setekia fa pele ga matlho a gagwe; le gona ya bolaya dikgosana tsotlhe tsa Juta kwa Ribela. Setekia ene kgosi ya Babele ya mo foufatsa, ya mmofa ka dikeetane, ya mo isa kwa Babele, ya mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo go fitlhelela letsatsing la loso la gagwe. Ka ngwaga wa 19 wa puso ya ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, ka kgwedi ya botlhano e le some, ga tla Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, yo e leng modiredi wa kgosi ya Babele, a fitlha kwa Jerusalema. A fisa Ntlo ya Morena le ntlo ya kgosi le matlo otlhe a Jerusalema; a fisa matlo a magolo otlhe ka molelo. Dipota tsotlhe tse di mo tikologong ya Jerusalema tsa digwa ke batlhabani botlhe ba Bakalatea ba ba nang le molaodi wa bafemedi ba kgosi. Fa e le bahumanegi bangwe ba morafe le masalela a batho ba ba setseng mo motseng le bathobi ba ba ineetseng kgosi ya Babele le masalela a ditswerere: Botlhe bao Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a ba isa mo botshwarong. Mme fa e le bahumanegi ba kwa nageng, bangwe ba bone, Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a ba sadisa go nna balemi ba masimo a moweine le ba masimo a mangwe. Maotwana a kgotlho a a neng a le fa Ntlong ya Morena le dikolotsana tsa tlhatswetso le “lewatle” la kgotlho, tse di neng di le fa Ntlong ya Morena, Bakalatea ba di thubaganya, ba isa kgotlho ya tsona kwa Babele. Le gona ba tsaya dipitsa le diolola-melora le dithipa le megopo e e kgatshetsang le maso le dijana tse tsotlhe tsa kgotlho, tse ba neng ba dira ka tsona mo tirelong-Modimo. Molaodi wa bafemedi ba kgosi, ene a tsaya megotšwana le dikgamelo tsa molora le megopo e e kgatshetsang le dipitsa le ditlhomo tsa dipone le maswana le dipitsana, e bong tsotlhe tse e leng gouta fela le tsotlhe tse e leng selefera fela. Maotwana a mabedi le “lewatle” le dikgomo di le 12 tsa kgotlho, tse di neng di le rwele le dikolotsana tsa tlhatswetso tse kgosi Salomo o neng a di diretse Ntlo ya Morena – bokete jwa kgotlho ya dilo tse tsotlhe tse ba palelwa ke go bo lekanya. Fa e le maotwana, bogodimo jwa ona e ne e le jwa mabogo a le 18; mogala wa mabogo a le 12 o ne o kopanya le le lengwe; bokima jwa lobota lwa lone e ne e le bophara jwa menwana e mene, le ne le le logapa ka mo teng. Leotwana le ne le na le tlhogo ya lone ya kgotlho; bogodimo jwa tlhogo e ne e le jwa mabogo a le matlhano. Tharaanyo ya digaranata e ne e kgabisa tlhogo mo tikologong, e le ya kgotlho yotlhe. Leotwana la bobedi le ne le kgabisitswe fela jalo; digaranata le tsona di le mo go lone. Diagaranata tse di bonalang di ne di le 96. Digaranata tsotlhe tse di mo tharaanyong tikologong di ne di le lekgolo. Le gona molaodi wa bafemedi ba kgosi a tsaya Seraya, moperesiti yo mogolo, le Sefanya, moperesiti wa bobedi, le badisa ba bararo ba mejako. Mo motseng a tsaya mongwe wa badiredi ba lapa la kgosi, yo e neng e le mookamedi wa batlhabani, le banna ba ba supang ba kgosing ba ba fitlhetsweng mo motseng, le mokwaledi wa molaodi wa batlhabani, yo o neng a kua mephato ya batlhabani mo bathong ba lefatshe, le banna ba le 60 ba kwa nageng ba ba fitlhetsweng mo teng ga motse: Bona bao Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a ba tsaya, a ba isa kwa kgosing ya Babele kwa motseng wa Ribela. Mme kgosi ya Babele ya ba itaya, ya ba bolaela kwa Ribela mo nageng ya Hamathe. Ka mokgwa oo Bajuta ba ne ba ntshiwa mo lefatsheng la bone. Batho ba Nebukatenesare o ba isitseng mo botshwarong ka ngwaga wa bosupa e ne e le Bajuta ba le 3 023. Ka ngwaga wa 18 wa puso ya ga Nebukatenesare go tlosiwa bale 832. Ka ngwaga wa 23 wa puso ya ga Nebukatenesare Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a isa Bajuta ba le 745 mo botshwarong. Botlhe mmogo e ne e le 4 600. Jaanong e rile Joyagine, kgosi ya Juta, a sena go fetsa dinyaga di le 37 a ntse a le mo kgolegong, ka kgwedi ya 12 e le 25, Ewile-Merotage, kgosi ya Babele, a tlhomogela Joyagine, kgosi ya Juta, pelo, a mo ntsha mo ntlong ya kgolegelo. E ne e le ka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe. A bua nae ka bopelonomi, sedulo sa gagwe sa bogosi a se okamisa ditulo tsa dikgosi tse di neng di na nae kwa Babele. A ba a mo apola diaparo tsa kgolego, a mo apesa tsa tlotlo, a ja dijo kwa kgosing ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe. Tse a phelang ka tsona o ne a di fiwa ke kgosi ya Babele ka botlalo ka fa go batlegang ka teng ka letsatsi lengwe le lengwe, ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe go fitlhelela letsatsing la loso lwa gagwe. Ao! O ntse jang o le osi motse o o neng o tletse batho! Mohumagadi wa ditšhaba o tshwana le motlholagadi; kgosi ya sesadi ya mafatshe e fetogile lelata! O lala a lela ka bogalaka, dikeledi di mo ela marameng. Ga a na yo o mo gomotsang mo go botlhe ba ba mo ratileng. O tlogetswe ke ditsala tsotlhe; di mo fetogetse baba. Juta o faletse dipogong ka ntlha ya botlhanka jo bo setlhogo. A ya go nna ditšhabeng, a tlhoka boikhutso. Babogisi botlhe ba gagwe ba mo tshwere, a le mo pitlaganong. Ditsela tse di yang Sione di senya, ga go na ba ba yang kwa moletlong. Go sentswe dikgoro tsotlhe tsa gagwe, baperesiti ba gagwe ba a fegelwa. Makgarebe a gagwe a mo botlhokong, ene o ikutlwa bogalaka. Baba ba gagwe ba a mmusa, dira tsa gagwe di mo boiketlong. Gonne o otlilwe ke Morena ka ntlha ya maleo a gagwe a magolo. Bana ba gagwe ba ile botshwarong, ba etelela mogateledi pele. Kgalalelo yotlhe ya gagwe e timeletse morwadia Sione. Dikgosana tsa gagwe di tshwana le ditholo tse di sa boneng mafulo. Tsa tsamaya di lapile, di latelwa ke mmogisi. Ka malatsi a dipogo le a botshwaro Jerusalema o gakologelwa dilo tsotlhe tsa gagwe tse di ntle tsa bogologolo, jale fa morafe wa gagwe o wela diatleng tsa mmaba, go se na yo o o thusang; baba ba ntse ba lebile, ba o tshega ka ntlha ya tatlhego ya ona. Jerusalema a leofa thata, ke ka moo a fetogang maila. Ba ba mo tlotlileng ba mo nyatsa botlhe, ka ba mmonye a sa ikatega. A fegelwa ka esi, a nna fatshe a hulere. Lesire la gagwe le maswe, a sa gopole kwa go iwang teng; a wa mo go boitshegang, a se na mogomotsi. “Pogo ya me e bone, Morena, gonne mmaba o a ikgantsha.” Mmaba o ntshitse diatla, a tsaya tsotlhe tsa gagwe tse di thata go bonwa; gonne a bona baheitane ba tsena Tempeleng ya gagwe, ba o ba ileditseng go tsena phuthegong ya gago. Morafe otlhe wa gagwe ke ba ba fegelwang, ba batla dijo. Ba ntshitse mahumo a bone go reka bogobe, ba tle ba duwe ke tlala. “Leba, Morena, o bone: Ruri, ke a nyatsega.” “Heelang! Lona lotlhe, bafeti tseleng, lebang tlhe, lo bone: A go teng botlhoko jaaka jwa me jo bo ntirafaletseng jo ke otlilweng ke Morena ka jona ka letsatsi la bogale jo bo tukang jwa gagwe? O rometse molelo a le kwa legodimong, wa ntsena marapong, a nkgona jalo. Maoto a me o a thaisitse ka letloa, a ntigela kwa morago; a ntira sekaka, a njesa bodutu malatsi aotlhe. “Diatla tsa gagwe di dirile joko ka maleo a me, a logantswe; ka ba ka e bewa molaleng, ya mphetsa thata. Morena o nneetse diatleng tsa ba ke sa itseng go emelana nabo. Dinatla tse ke neng ke na natso, Morena a di nyatsa tsotlhe. Moletlo o o mpolayang a o kua, wa tla go robaganya masogana a me. Morena a gata segatelo sa lekgarebe, morwadia Juta. “Ke tsona tse ke di lelelang; leitlho la me, leitlho la me le ela dikeledi. Gonne mogomotsi o kgakala le nna, yo o ka ntapolosang. Go nyeleditswe bana ba me, gonne thata ke ya mmaba.” Sione a ntsha mabogo, mme a tlhoka yo o mo gomotsang. Ba ba mo tikologong ya gagwe ba biditswe ke Morena go lwa le Jakobe. Jerusalema a fetoga tshotlego mo gare ga bone. “Morena ene o siame, gonne ke ne ka ganetsa molomo wa gagwe. Lona ditšhaba tsotlhe, utlwang! Bonang matlhoko a me! Makgarebe a me le makau a me a ile botshwarong. Ke biditse ba ba neng ba nthata, mme ba ne ba nkaketsa. Baperesiti ba me le bagolo ba me ba swetse mo motseng, jale fa ba ipatlela dijo, ba re ba intsha tlala, mme ba sa di bone. “Morena, mpone ke le tlalelong, maikutlo a me a a huduega. Pelo ya me e pitikologile mo teng ga me, ka ke ne ke ganetsa thata. Tšhaka ya nkamoga bana mo mmileng le leroborobo mo ntlong. Utlwa ke fegelwa, ke se na mogomotsi. Tatlhego ya me baba botlhe ba me ba a e itse, ba a thaba ba re: go dirile wena. Tlisa letsatsi leo o le begileng gore ba dirafalelwe ke tse di ntletseng. Dibe tsa bone tsotlhe a di tle fa pele ga gago, o ba direle tse o di ntiretseng ka ntlha ya maleo otlhe a me. Ka gonne diphegelo tsa me di dintsi, go lwala pelo ya me.” Ijoo! Morena o ne a khurumetsa morwadia Sione ka leru la bogale jwa gagwe. Kgalalelo ya Baiseraele o e folositse kwa legodimong, a e latlhela fatshe; a sa gakologelwe sebeo sa dinao tsa gagwe ka letsatsi la bogale jwa gagwe. Meago yotlhe ya Jakobe, Morena o e sentse, a se ka a e rekegela. Dikago tsa phemelo tsa morwadia Juta a di rutla ka bogale jwa gagwe. Bogosi jwa gagwe le dikgosana tsa gagwe a di digela fa fatshe le go di tlhapatsa. Lonaka longwe le longwe lwa Baiseraele o lo kgaotse ka bogale jo bo tukang; letsogo le le jang la gagwe a le gonyetsa; mmaba a tla, a senya mo Jakobe jaaka kgabo ya molelo o o nyeletsang tikologong ya ona. A gagamatsa bora jwa gagwe jaaka mmaba, a re ke hula jaaka sera ka letsogo le le jang; a bolaya tsotlhe tse dintle go lejwa, a goromeletsa bogale jwa gagwe jaaka molelo mo tenteng ya morwadia Sione. Morena o ne a tshwana le mmaba, a metsa Iseraele, a mo senyetsa matlo otlhe a borena, dikago tsa phemelo tsa gagwe a di senya. Mo go morwadia Juta a ntsifatsa go lela le go goa. A ithutlela moago jaaka logora lwa tshimo, a itshenyetsa felo ga meletlo; malatsi a meletlo le Sabata, Morena a a lebatsa mo Sione; kgosi le moperesiti, a ba latlha a gaketse bogaleng jwa gagwe. Morena o latlhile aletare ya gagwe, a nyatsa Ntlo e e Boitshepo ya gagwe; dipota tsa matlo a borena a Sione a di neela diatleng tsa baba ba ba neng ba tlhodia mo Ntlong ya Morena jaaka ka letsatsi la moletlo. Morena o dirafaditse maikaelelo a gagwe ka go senya lobota lwa morwadia Sione; mogala o o lekanyang a o gagamatsa, a sa thibele letsogo la gagwe go nyeletsa; kago ya batlhodi le lobota a di lelisa, tsa hutsafala mmogo. Dikgoro tsa Sione di rorometse leroleng; o sentse phemelo ya gagwe, a e thubaganya; kgosi ya gagwe le dikgosana tsa gagwe di kwa ditšhabeng, kwa thuto e seng teng. Le baporofeti ba gagwe ga ba bone pono epe e e tswang mo Moreneng. Bagolo ba morwadia Sione ba ntse fa fatshe mo tidimalong; ba itshetse lorole mo ditlhogong, ba apere dikgetse tsa boikwatlhao. Makgarebe a Jerusalema a obetse ditlhogo tsa ona fa fatshe. Matlho a me a thibilwe ke dikeledi, mo teng ga me go a huduega. Ke phatlogile pelo ka ntlha ya go thubakanngwa ga morwadia morafe wa me; le ka go timelela ga bana le masea mo dipatlelong tsa motse. Ba lelela mo go bommaabo ba re: “Bogobe bo kae le dino di kae?” fa ba idibala jaaka ba ba khutlegileng lwa go swa mo dipatlelong tsa motse; fa ba ntsha dilelo tsa bone mo dihubeng tsa bommaabo. Nka go supetsa eng? Nka go tshwantshanya le eng, wena morwadia Jerusalema? Nka go bapisa le eng, fa ke re ke a go gomotsa, wena lekgarebe, morwadia Sione? Gonne tatlhego ya gago e kana ka lewatle. Yo o ka go fodisang ke mang? Baporofeti ba gago ba go rutile maaka a boithamako; ba sa go supetse maleo a gago le e seng go faposa botshwaro jwa gago; ba go rerela ditaelo tsa Modimo tse e seng tsona, mme e le tse di isang mo tatlhegong. Botlhe ba ba fetang mo tseleng ba opa diatla ka ntlha ya gago; ba letsa melodi, ba thikhitha ditlhogo, ba sotla morwadia Jerusalema ba re: “A ke ona motse o ba reng: ‘O montlentle thata, ke boitumelo jwa lefatshe lotlhe’?” Baba botlhe ba gago ba go atlhamela boikgantshong; ba a sotla, ba phuranya meno ba re: “Re mo nyeleditse! Kana ke lone letsatsi le re neng re le tlhologeletswe, ke leo, re le fitlhetse, ra le bona.” Morena o dirile tse o neng a di akantse, a dirafatsa tse a neng a di buile, tse a di laotseng go tswa metlheng ya kgale: A rutla, a sa rekegele; a thabisa baba bakeng la gago, a godisa lonaka lwa ba ba go tlhoileng. Tlhatlosa lentswe, tlhaeleletsa Moreneng, wena lekgarebe, morwadia Sione! A matlho a gago a ele dikeledi jaaka nokana bosigo le motshegare! Se iphe boikhutso, a thaka ya leitlho la gago e se ka ya khutla! Tsoga o goe bosigo, ka tshimologo ya ditiso tsa bosigo! Tsholola tsa pelo ya gago jaaka metsi fa pele ga Morena! Tsholeletsa diatla kwa go ene ka ntlha ya bophelo jwa bana ba gago ba ba tsibikelang ka tlala mo dikhutlong tsa mebila tsotlhe. Leba, Morena, o bone! Ke bomang ba o kileng wa ba direla jaana? A basadi ba ka ja maungo a mebele ya bone, e leng bana ba bannye ba ba farwang? A go ka bolawa baperesiti le baporofeti mo felong ga boitshepo ga Morena? Ba namaletse fatshe mebileng basimane le banna bagolo. Makgarebe a me le makau a me a ole ka tšhaka. O ba bolaile ka letsatsi la bogale jwa gago, wa ba tlhaba, o sa ba tlhomogele pelo. E kete o ba bileditse moletlong ba metsana e mengwe mo tikologong ya me. Mme ya re ka letsatsi la bogale jwa Morena ga tlhokwa yo o falolang le yo o phologang. Ba ke ba farileng, ka ba godisa, mmaba wa me o ba nyeleditse. Ke nna monna yo dipogo di mo dirafaletseng ka thupa ya bogale jwa gagwe. O nkgogile, a nkisa lefifing le le se nang lesedi. Ee, o tlhola a tsholetsa letsogo ka metlha go nkotla gangwe le gape. O otisitse nama ya me le letlalo la me, a nthoba marapo. O nkageletse, a ntikanyetsa ka botlhole le tapisego, a ntudisa lefifing jaaka baswi ba bogologolo. A nkagelela ka dipota, ke sa kgone go tswa; a mpofa ka keetane e e makete. Le fa ke goa, ke lelela thuso, thapelo ya me o a e gana. A thiba tsela ya me ka mafika; a ntshenyetsa mebila ya me. A ntalela jaaka bere, jaaka tau maiphitlhong. A faposa ditsela tsa me, a nkgarolaka, a ntira yo o reregang. A gagamatsa bora jwa gagwe, a nkemisa ke le yo o hulwang. A ntlhaba mo diphilong ka metsu ya mokotlopo. Ka tshegwa ke morafe otlhe wa ga etsho, ka tlhola ke sotlwa ka sefela sa bone. A nkgorisa tse di galakang, a nnosa longana. A nthoba meno ka go mphurisa lekgwarana, a nkatela moloreng. Ò lelekile mowa wa me mo kagisong, ka lebala tsa letlhogonolo. Ka ba ka re: “Tumiso ya me e fedile; Morena ke mo tlhobogile.” Gopola pogisego ya me le ditimelo tsa me, le longana le botlhole. Mowa wa me o ntse o gopola tseo, o obegile mo teng ga me. Selo se ke tla se tsenya mo pelong; ke gona ka moo ke solofelang ke re: Ke mapelonomi a Morena, fa re ise re felele ruri; ee, mapelotlhomogi a gagwe ga a ise a fele. Nnyaya, a tsoga a le mašwa mosong mongwe le mongwe; boikanyego jwa gago bo bogolo. Pelo ya me e re: “Kabelo ya me ke Morena; ke ka moo ke solofelang mo go ene.” Morena o lorato le ba ba solofelang mo go ene; o lorato le pelo e e mmatlang. Go molemo, fa motho a leta thuso ya Morena a sa potlake. Ke se se molemo, fa monna a rwala joko a sa le monnana. A a nne a le esi, a didimetse, fa a e rwesitswe ke ene. A a ise molomo wa gagwe kwa loroleng; ka gongwe go teng se se solofelwang. Yo o mo itayang a a mo neele lesama, a kgore kgobo! Gonne Morena ga a latlhele ruri. Gonne fa a utlwisitse motho botlhoko, o tla mo tlhomogela pelo gape, jaaka a le mapelonomi a magolo. Gonne ga se gore o a kgatlhega, fa a tlhokofatsa batho, fa a ba bogisa. Fa go gatakwa batshwarwi ba botlhe ba lefatshe ka maoto; fa tshiamelo ya monna e sokamisiwa tshekong fa pele ga Mogodimodimo; fa ba pateletsa motho yo o sekang dikgang tsa gagwe. A ga ke re, dilo tseo di bonwa ke Morena? Go bua mang, go bo go dirafale? A ga se Morena yo o laotseng jalo? Tse di botlhoko le tse di molemo a ga di tswe mo molomong wa Mogodimodimo? Motho yo o phelang o ngongoregelang? A mongwe le mongwe a ngongoregele maleo a gagwe! A re tlhatlhobeng ditsela tsa rona, re di tlhotlhomise, re boele Moreneng! Dipelo tsa rona le diatla tsa rona a re di tsholeletseng kwa Modimong legodimong re re: “Go ikepile rona, ra se ka ra utlwa; ke tse o neng o sa di itshwarele. “O iphitlhile bogaleng, wa re latelela; o re bolaile, o sa tlhomoge pelo. O iphitlhile mo lerung, ke fa go sa fitlheng thapelo epe. O re dirile matlakala le ditshila mo gare ga merafe. Baba botlhe ba rona ba re atlhamela, ba re ikgantshetsa. Re dirafaletswe ke therego le gopo le tatlhego le thobego. Matlho a me a ela dinoka tsa metsi ka ntlha ya go senngwa ga morwadia morafe wa ga etsho. “Matlho a me a ntse a rotha dikeledi, a sa khutle, go se na boikhutso, go tsamaya Morena a okomele, a di bone, a le kwa legodimong. Matlho a me a ntlhokofatsa pelo ka ntlha ya bomorwadia motse wa ga etsho botlhe. Baba ba me ba ntse ba ntatelela, ba ntsoma jaaka nonyane, ke se na molato. Bophelo jwa me ba bo sentse moleteng, ba nkonopa ka matlapa. Metsi a ela godimo ga tlhogo ya me, ka ba ka re, ke nyeletse. “Ka bitsa leina la gago, Morena, ke le kwa tlasetlase moleteng. O utlwile lentswe la me le le reng: ‘Se ithibe tsebe, fa ke fegelwa, fa ke tlhaeleletsa thuso!’ E rile ke go bitsa jalo, wa bo o le gaufi wa re: ‘Se boife!’ “O nkemetse, Morena, mo tshekong, wa golola bophelo jwa me. Morena, o bonye tse ba di mpateletsang; kgang ya me o e nkatlholele! O di bonye tsotlhe, fa ba ntirela ka setlhogo; le maano otlhe a ba a ntogetseng. O utlwile dikgobo tsa bone, Morena, le maano otlhe a ba a ntogetseng; le dikgang tsa ba ba nkganetsang, le se ba se akanyang letsatsi lotlhe go lwa le nna. A ko o bone, fa ba dula, fa ba tsoga, ba ntse ba nkopela go ntshotla. “Morena, o tla ba lefisa ka fa ditirong tsa diatla tsa bone. O tla ba thatafatsa pelo. A khutso ya gago e ba wele! O tla ba latelela ka bogale, o ba nyeletsa, o ba tlosa fa tlase ga legodimo la gago, Morena.” Malo-nna-wee! Gouta e fifetse jang, ga fetoga gouta e ntlentle! Mafika a a boitshepo a tshololwa kwa dikhutlong tsa mebila. Bomorwa Sione ba e leng dinatla, ba ne ba tlotlega jaaka gouta e ntlentle. Ijoo! Ba kailwe dinkgwana tsa letsopa fela, tse di dirwang ke diatla tsa mmopi. Diphokojwe le tsona di ntshetsa diphokojwana mabele a tsona go di amusa. Mme morwadia morafe wa me o ne a le setlhogo jaaka bontšhwe mo nageng. Loleme lwa lesea lo ne lwa kgomarela magalapa a lone ka lenyora; bana ba lelela bogobe, go se na yo o ba nathelang. Baji ba tse di monate ba ne ba felelela mebileng; ba ba neng ba robadiwa maseleng a mahibidu ba lala kwa thutubudung. Gonne molato wa morwadia morafe wa ga etsho o ne o feta boleo jwa Sotoma, ona motse o o ribegeditsweng ka ponyo ya leitlho, o sa amiwe ke diatla. Baikiledi ba ona ba ne ba phatsima bogolo go semathana, ba phala mašwi ka bosweu; ba ne ba le mmele o mohibidu bogolo go matlapana a dikorala, ba bopegile jaaka a botala jo bowebu. Ponalo ya bone e ntshofetse bogolo go mosidi, ga ba itsiwe mebileng; letlalo la bone le ngaparetse marapo a bone, ba omeletse jaaka dikgong. Ba ba bolailweng ka tšhaka ba tlhogonolo bogolo go ba ba suleng ka tlala, ba ba feleletseng, ba bolawa ka go tlhoka dijo tsa masimo. Basadi ba ba bonolo ba apaya bana ba bone ka diatla tsa bone; ya nna dijo tsa bone mo tatlhegong ya morwadia morafe wa ga etsho. Morena o dirafaditse kgalefo ya gagwe, a gorometsa bogale jwa gagwe jo bo tukang; a tshuba molelo mo motseng wa Sione o o jeleng metheo ya ona. Dikgosi tsa lefatshe le baagi botlhe ba lone ga ba a ka ba dumela, fa mopitlaganyi le mmaba ba ka tsena mo dikgorong tsa Jerusalema. Mme ba tsenye ka ntlha ya dibe tsa baporofeti ba gagwe le ka ntlha ya maleo a baperesiti ba gagwe, ba ba neng ba tsholola madi a basiami teng. Ba ne ba thekesela jaaka difofu mebileng, ba kgotlelegile ka madi; batho ba bile ba palelwa ke go ama diaparo tsa bone. Ba goelana ba re: “Fapogang, yo o itshekologileng ke yo! Fapogang, fapogang, se mo ameng!” Ba bua mo ditšhabeng ba re: “Fa ba tshaba le go thekesela ga ba a tshwanela go nna mono.” Morena ka esi o ba faladitse, ga a tlhole a ba tlhokomela. Baba ga ba a ka ba tlotla baperesiti, le e seng go tlhomogela baporofeti pelo. Matlho a rona a ntse a itapisitse go lebelela thuso e e leng ya lefelafela; re ne re tlhola re le mo diraleng tsa rona, re letela setšhaba se se sa tleng go re thusa. Ba ne ba lalela dikgato tsa rona, re sa kgone go tsamaya mo dipatlelong tsa rona. Bokhutlo jwa rona bo ne bo atametse, malatsi a rona a feleletse, ee, bokhutlo jwa rona bo ne bo tlile. Ba ba re lateletseng ba ne ba le bobebe bogolo go bontsu ba legodimo; ba re tsoma mo dithabeng, ba re lalela mo sekakeng. Mowa wa bophelo jwa rona, e bong Motlodiwa wa Morena, o ne a tshwarwa mo digopong tsa bone; yo re buileng ka ga gagwe ra re: “Re tla phela mo moriting wa gagwe re le gare ga ditšhaba.” Wena morwadia Etomo yo o agileng mo lefatsheng la Use, itumele o thabe. Le wena o tla tlelwa ke senwelo; o tla tagwa, o ikapola! Kotlo ya gago e lekanye, wena morwadia Sione; ga a ka ke a go isa gape mo botshwarong. Mme wena morwadia Etomo o tla go beletsa molato wa gago, a ba a senola maleo a gago. Gakologelwa, Morena, tse di re tletseng! Leba ò bone kgobego ya rona! Naga ya ga etsho e tserwe ke baeng; ba ditšhaba di sele ba nna mo matlong a rona. Re fetogile masiela, re se na rraarona; e kete bommaarona ke batlholagadi. Metsi a rona re a nwa re a lefetse ka madi; dikgong tsa rona re di bona ka go reka. Ba ba re lateletseng ba mo thamong tsa rona; fa re lapile, ga re na go ikhutsa. Re neelanye diatla le Baegepeto le Baasiria gore re tle re kgore bogobe. Borraetsho ba leofile, mme ga ba tlhole ba le teng; ke rona ba re rweleng dipetso tsa melato ya bone. Batlhanka ba a re busa, ga go na yo o re gololang mo diatleng tsa bone. Dijo tsa rona re di tseela gae re le mo kotsing ya go bolawa; re tshaba tšhaka ya baagi ba sekaka. Letlalo la rona le tuka bolelo jaaka sebeso ka ntlha ya mogote wa tlala. Go tlotlolotswe basadi mo Sione le makgarebe mo metseng ya Juta. Dikgosana di pegilwe, tsa kgangwa ke megala ya bone; go sa tlotlwe banna bagolo. Makau a na le go kuka lolwala; basimane ba wa ba imetswe ke dikota. Banna bagolo ga ba tlhole ba ya lekgotleng; makau a khutlile go letsa dirankure. Boitumelo jwa dipelo tsa rona bo fedile; dipina di re fetogetse bohutsana. Serwalo sa bogosi se ole mo ditlhogong tsa rona. A tatlhego ya rona wee, ka re leofile! Tse di re lwatsang dipelo le go fifatsa matlho a rona ke tsa thaba ya Sione e e fetogileng marope, e diphokojwe di sianang mo go yona. Wena Morena o ntse o busa ka bosakhutleng; sedulo sa bogosi sa gago se tlhomame mo ditshikeng tsotlhe. Ke ka ntlhaang, fa o re lebalela ruri, o re tlogela sebaka se seleele? Morena, re busetse kwa go wena gore re tle re tlhabologe; ntšhwafatsa malatsi a rona jaaka gale! Kampo a o re latlhetse ruri? A o re galefetse thata thata? E rile ka ngwaga wa 30, ka letsatsi la botlhano la kgwedi ya bone, ke le mo gare ga batshwarwi fa nokeng ya Kebare, magodimo a bulega, ka bona dipono tsa Modimo. Ka la botlhano la kgwedi – e ne e le ka ngwaga wa botlhano, kgosi Joyagine a ntse a tshwerwe – Lefoko la Morena la tla tota kwa go moperesiti Hesekiele, morwa Busi, a le mo lefatsheng la Kalatea fa nokeng ya Kebare; teng koo seatla sa Morena sa nna mo go ene. Ka leba ka bona phefo ya ledimo e tla e tswa kwa bokone, le leru le legolo le le tshwaranganyeng le molelo le tswa marang mo tikologong; mme mo gare ga lone, mo gare ga molelo, go bonala kgotlho e e phatsimang. Mo gare ga ona ga tswa dilo di le nne tse e keteng ke diphedi. Setshwano sa tsona ke se: Di ne di bopegile jaaka batho. Sengwe le sengwe se ne se na le difatlhego di le nne; le gona sengwe le sengwe sa tsona se na le diphuka di le nne. Maoto a tsona e ne e le maoto a a tlhamaletseng. Pato tsa dinao tsa tsona di ne di tshwana le kgato tsa ditlhako tsa dinamane, di phatsima jaaka kgotlho e e gotlhilweng. Di ne di na le diatla tsa batho mo ditlhakoreng tse nne tsa tsona ka fa tlase ga diphuka tsa tsona. Diphuka tsa bone jwa tsona di ne di amana; difatlhego tsa bone jwa tsona di ne di sa retologe, fa di tsamaya; sengwe le sengwe se tlhamalalela kwa pele fela. Ponalo ya difatlhego tsa tsona e ne e le jaana: Sengwe le sengwe sa tsona se ne se na le difatlhego tse nne: Fa pele go le sa motho, ka fa ntlheng ya le le jang go le sa tau, ka fa go ya la molema go le sa kgomo, ka fa morago go le sa ntsu. Diphuka tsa tsona di ne di tsharologetse kwa godimo; tse pedi tsa sengwe le sengwe di amana le tsa tse dingwe; tse pedi di bipile mebele ya tsona. Sengwe le sengwe sa tlhamalalela kwa pele, tsa ya kwa mowa o di isang teng; tsa se ka tsa retologa, fa di tsamaya. Fa e le ponalo ya diphedi, difatlhego tsa tsona di ne di tshwana le magala a molelo a a tukang, jaaka ponalo ya dirumola. Molelo ona o ne o ya kwa le kwa mo gare ga diphedi, o phatsima, go tswa dikgadima mo go ona. Diphedi tsa ya kwa le kwa ka bonako jwa logadima. Ya re ke leba diphedi, ka fitlhela go le leotwana la koloi fa fatshe fa thoko ga sengwe le sengwe sa diphedi tse nne tseo. Ponalo ya maotwana le ya go dikologa ga ona e ne e tshwana le go tsabakela ga taemane e tala. A bopegile ka go tshwana ka bone jwa ona. Ponalo ya ona le ya go dikologa ga ona, e kete leotwana le ne le le mo teng ga leotwana le lengwe. E ne e a re fa a tsamaya, a itse go ya kwa ntlheng tse nne tsa ona; a se ke a retologe, fa a tsamaya. Digoro tsa ona di ne di godile, di boitshega; digoro tsa ona di ne di tletse matlho mo tikologong ya bone jwa ona. E ne ya re fa diphedi di tsamaya, maotwana le ona a tsamae a bapile natso; fa diphedi di tlhatloga mo fatsheng, le maotwana a tlhatloge. Kwa mowa o neng o di isa teng, maotwana le ona a ya teng; le gona a tlhatloge mmogo le tsona. Gonne mowa wa diphedi o ne o le mo maotwaneng. E ne e a re fa di tsamaya, le ona a tsamae; fa di ema, le ona a eme; fa di tlhatloga mo fatsheng, le maotwana a tlhatloge mmogo le ona. Gonne mowa wa diphedi o ne o le mo maotwaneng. Kwa godimo ga ditlhogo tsa diphedi go ne go le setshwano sa loapi se se tsabakelang jaaka legakwa le lentlentle, se tsharolotswe kwa godimo ga ditlhogo tsa tsona. Fa tlase ga loapi loo go ne go tsharologile diphuka tsa tsona, longwe le longwe lo amanye le lwa se sengwe. Gape sengwe le sengwe se ne se na le tse pedi tse se ipipang mmele ka tsona. Jaanong e a re di tsamaya, ke utlwe diphuka tsa tsona di suma jaaka metsi a mantsi le jaaka tumo ya Mong-wa-thata-yotlhe. E ne e le modumo o o tshwanang le loratla lwa mathibelelo a mephato. Fa di ema, di phuthe diphuka tsa tsona. Mme e a re fa di ema, di phuthile diphuka tsa tsona, go utlwale tumo kwa godimo mo loaping lo lo godimo ga ditlhogo tsa tsona. Jaanong kwa godimo ga loapi lo lo neng lo okame ditlhogo tsa tsona ga bonala se e keteng ke sedulo sa bogosi sa lentswe le letala la safire; mme yo e keteng ke motho a ntse mo sedulong sa bogosi kwa godimo. Ka bona go tsabakela jaaka kgotlho e e phatsimang le jaaka molelo o o mo teng ga sebeso, go tloga fa e keteng ke letheka la gagwe le go ya kwa godimo. Mme go tloga fa go se se bonalang jaaka letheka la gagwe go ya kwa tlase ka bona se se tshwanang le molelo, mme o ne a dikanyeditswe ke kgalalelo. Ponalo ya kgalalelo e e mo tikologong e ne e tshwana le mebala ya motshewabadimo, fa o le mo marung ka letsatsi la pula. Ke yona ponalo ya setshwantsho sa kgalalelo ya Morena. Ya re ke sena go se bona, ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka utlwa lentswe la yo o buang. A nthaya a re: “Morwa-motho, ema ka dinao gore ke bue nao.” Ya re a bua le nna, Mowa wa tsena mo go nna, wa nkemisa ka dinao, ka reetsa yo o buang le nna. A nthaya a re: “Morwa-motho, ke tla go roma kwa Baiseraeleng, kwa baheitaneng ba e leng barukhutlhi ba ba ntsogetseng; bone le borraabo ba ntse ba ikepa mo go nna go fitlhelela kajeno. Bana bao ba difatlhego-di-matepe, ba pelo-di-thatafaditsweng. Ke go roma kwa go bone gore o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana!’ Gonne bone ke losika lwa barukhutlhi – fela a ba itse gore moporofeti o teng mo gare ga bone, le fa ba utlwa gongwe ba gana. – “Wena morwa-motho, se ba boife, se tshabe dipuo tsa bone, le fa ba go tlhaba jaaka ditshetlho le mitlwa, le fa o nna mo gare ga diphepheng; se boife mafoko a bone, se tshoge fa pele ga bone, gonne bone ke losika lwa baitaodi. Mme o ba bolelele mafoko a me, le fa ba utlwa gongwe ba gana. Gonne bone ke baitaodi. “Mme wena morwa motho, utlwa se ke se buang nao; se ganetse jaaka losika loo lwa baitaodi. Atlhama he, o je se ke se go nayang!” Ya re ke leba, ka bona seatla se otlololetswe kwa go nna se tshotse lokwalo lo lo phuthilweng. A ba a lo phutholola fa pele ga me, ka fitlhela lo kwadilwe ka fa teng le ka fa ntle, mme go kwadilwe tsa selelo le tsa phegelo le tsa tatlhego mo go lone. A nthaya a re: “Morwa-motho, jaa se o se fitlhelang, jaa lokwalo lo, o ye o bue le Baiseraele.” Ka atlhama; a njesa lokwalo loo, a nthaya a re: “Morwa-motho, jaa lokwalo lo ke lo go nayang, o kgorise mpa ya gago.” Ka lo ja, mme lwa nna monate mo ganong la me jaaka dinotshe. A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, tloga o ye kwa Baiseraeleng, o bue nabo ka mafoko a me. Gonne ga o rongwe kwa morafeng wa puo e e sa utlwaleng, wa loleme lo lo thata, mme e le kwa Baiseraeleng; e seng kwa merafeng e megolo ya dipuo tse di sa utlwegeng, ya diteme tse di makete, e o ka palelwang ke go utlwa mafoko a yona. Mme fa nka bo ke go roma kwa go yona, e ka bo e go utlwa. Mme Baiseraele ga ba ka ke ba dumela go go utlwa, gonne ba gana go nkutlwa. Gonne Baiseraele botlhe ba tlhogo-di-thata, ba pelo-di-thata. Bona, ke kwatlaladitse sefatlhego sa gago jaaka difatlhego tsa bone; ke thatafaditse tlhogo ya gago jaaka ditlhogo tsa bone. Ke dira tlhogo ya gago popota jaaka taemane e e popota bogolo go lefika. Se ba boife, se tshoge fa pele ga bone! Gonne bone ke losika lwa baitaodi.” A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, mafoko otlhe a ke a buang nao, a tsee ka pelo, a utlwe ka ditsebe. O be o ye kwa batshwarwing ba morafe wa ga eno, o bue nabo, o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana,’ le fa ba utlwa gongwe ba gana.” Ke fa Mowa o ntsholetsa, ke utlwa lentswe la loratla lo logolo fa morago ga me le re: “A go bakwe kgalalelo ya Morena e e tlogang mo felong ga yona.” Ka utlwa mosumo wa diphuka tsa diphedi tse di amanang le loratla lwa maotwana natso le tumo ya thoromo e kgolo ya lefatshe. Mowa wa ntsholetsa, wa ntlosa; ka tsamaya ke kgopisegile mo moweng ka botlhoko, ke imelwa ke seatla sa Morena. Ka fitlha kwa batshwarwing kwa Thele-Abibe, ba ba neng ba nna fa nokeng ya Kebare, kwa ba neng ba nna teng, ka nna nabo teng malatsi a supa ke ntse ke palelwa ke go bua. Mme ya re malatsi a supa a sena go feta, Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, ke go dirile modisa wa Baiseraele. E ne e re fa o utlwa lefoko le le tswang mo molomong wa me, o ba tlhagise, o romilwe ke nna. Fa ke raya moikepi ke re: ‘O tshwanetse go swa!’ mme o sa mo tlhagise, o sa bue sepe gore o mo tlogedise tsela e e bosula ya gagwe gore a pholosiwe, foo ene moikepi o tla swa ka boleo jwa gagwe, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago. Fela fa o tlhagisa moikepi, mme a sa sokologe mo boikepong jwa gagwe le e seng go tlogela tsela e e bosula ya gagwe, ene o tla swa ka boleo jwa gagwe, mme wena o pholositse bophelo jwa gago. “Gape fa mosiami a tlogela tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, mme ke mmeela sekgopi, ene o tla swa. Fela fa o sa mo tlhagisa, ene o tla swa ka boleo jwa gagwe; le tse di siameng tse a kileng a di dira ga di nke di gopolwa, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago. Fela fa o tlhagisa mosiami gore mosiami a se ka a leofa, mme a sa leofe, ruri o tla phela, gonne o dumetse go tlhagisiwa. Le wena o tla bo o ipholositse.” Gona koo seatla sa Morena sa ba sa nna mo go nna, a nthaya a re: “Nanoga o tswele kwa lobaleng, ke tla bua nao teng.” Ka nanoga, ka tswela kwa lobaleng, ka fitlhela kgalalelo ya Morena e eme gona e e tshwanang le kgalalelo e ke e bonyeng fa nokeng ya Kebare, ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego. Ke fa Mowa o tsena mo go nna, o nkemisa ka dinao. Mme Morena a bua le nna, a nthaya a re: “Yaa o itswalele mo ntlong ya gago! Wena morwa-motho, itse gore ba tla go pega dikgole, ba go golega ka tsona gore o se ka wa tswela kwa go bone. Le gona ke tla kgomaretsa loleme lwa gago mo magalapeng a gago gore o nne semumu. Ga o nke o nna mokgalemedi wa bone, gonne ke losika lwa baitaodi. Mme fa ke bua nao, ke tla go bula molomo gore o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana le jaana!’ Yo o utlwang a a utlwe! Yo o ganang a a gane! Gonne ke losika lwa baitaodi. “Wena morwa-motho, tsaya seekana se se sematla, o se bee fa pele ga gago, o bope setshwantsho sa motse wa Jerusalema mo go sona. Ò o tshwantshe o dikanyeditswe ke ntwa, ò age kago ya go o tlhola, ò kgobokanyetse mmu fa loboteng wa go tsena mo go ona o o tlhomele mathibelelo a batlhabani, ò o emisetse dithuba-lobota mo tikologong. Le gona tsaya tshipi e e papetla, ò e dire lobota lwa tshipi fa gare ga gago le motse, ò lebise sefatlhego sa gago kwa go ona ka bogale gore o dikanyediwe ka ntwa; ee, ò o dikanyetse ka ntwa. A seo e nne sesupo mo Baiseraeleng. “Gape rapama ka lotlhakore lwa gago lwa molema, ò bee molato wa Baiseraele mo go lone; ò rwale molato wa bone ka malatsi otlhe a ka ona ò rapameng ka lone. Dinyaga tsa petso ya molato wa bone ke tla di go fetolela malatsi a a kana ka tsona, e bong a le 390, a ò tla rwalang molato wa Baiseraele ka ona. E re fa ò sena go fetsa malatsi ao, ò rapame gape, mme e le ka lotlhakore lwa gago lo lo jang, ò rwale molato wa Bajuta ka malatsi a le 40. Le foo letsatsi lengwe le lengwe le supa ngwaga. “Mme sefatlhego sa gago o se lebise kwa ntweng e e dikanyetsang motse wa Jerusalema, o apotse letsogo, ò o bolelele petso ya ona e sa le kwa pele. Bona, ke tla go golega ka dikgole gore ò palelwe ke go iphetola go tsamaya ò fetse malatsi a pitlagano ya gago. “Wena tsaya korong le garase le dinawa le lotlhodi le mabele le lebelebele, o di tshele mo mogopong o le mongwe, o itirele dijo ka tsona gore ò di je ka malatsi otlhe a ò tla bong ò rapame ka lotlhakore ka ona, e bong malatsi a le 390. Dijo tsa gago tse ò tla di jang, a di lekanngwe, e nne tse di ka tlalang magofi a mabedi ka letsatsi; ò di je ka dinako tsa tsona. Le metsi ò a nwe ka selekanyo, e bong digo tse pedi, ò a nwe ka dinako tsa ona. O je dinkgwe tsa garase tse ò di besang ka dibi tsa mantle a motho fa pele ga matlho a bone.” Gape Morena a re: “Baiseraele ba tla ja dijo tsa bone jalo, di itshekologile, ba le mo ditšhabeng kwa ka tla ba lelekelang gona.” Mme nna ka re: “Ao, Morena Modimo! Bona, ga ke ise ke itshekologe ka gope; ga ke ise ke je se se suleng gongwe se se gagotsweng ke dibata go tswa bonyaneng jwa me go fitlhelela kajeno; nama e e bodileng ga e ise e tsene mo molomong wa me.” Ke fa a nthaya a re: “Go siame, ke go dumelela dibi tsa kgomo boemong jwa mantle a motho gore o baakanye dijo tsa gago mo go tsona.” A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, bona, ke tla senya seiphediso sa dijo mo Jerusalema. Ba tla ja dijo tse di lekantsweng ka tshwenyego, ba nwa metsi ka selekanyo ba reregile; gore ba tlhoke dijo le metsi, ba rerege, motho le morwa-rraagwe, ba tlhorege ka molato wa bone. “Wena morwa-motho, tsaya tšhaka e e bogale, ò e tsee go nna legare la babeodi mo go wena; o ipeole tlhogo le ditedu. Morago ga moo o tsee selekanyetso, o kgaoganye moriri gararo. Karolo ya ntlha ò e fise ka molelo mo motseng, fa malatsi a go ò dikanyetsa ka ntwa a sena go feta; karolo ya bobedi o e reme ka tšhaka mo tikologong ya ona; karolo ya boraro ò e gasetse mo phefong. Ke tla somola tšhaka gore e e latelele. Le gona ò tsee moririnyana wa teng, ò o bofelele mo mojeng wa kobo ya gago. O be o tsee o mongwenyana gape mo go oo, ò o latlhele mo molelong, ò o fise ka molelo. Molelo o tla tswa teng, o ya kwa Baiseraeleng botlhe.” Morena Modimo o bua jaana a re: “Ke ene Jerusalema. Ke mmeile mo gare ga ditšhaba; mafatshe a mo tikologong ya gagwe. Mme o ganeditse ditshiamo tsa me ka boikepo bogolo go ditšhaba, le melao ya me bogolo go mafatshe a a mo tikologong ya gagwe. Gonne ba Jerusalema ba nyaditse ditshiamo tsa me, ba se ka ba sepela ka fa melaong ya me. Ka lebaka leo Morena Modimo o bua jaana a re: E re ka lo le baitaodi bogolo go ditšhaba tse di mo tikologong ya lona, mme lwa se ka lwa sepela ka fa melaong ya me, le e seng go dirafatsa ditshiamo tsa me, le e seng go dira ka fa ditshiamong tsa ditšhaba tse di mo tikologong ya lona.” Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana a re: “Bona, ke tla lwa nao, Jerusalema, ka bonna; ke tla dirafatsa katlholo le petso mo go wena fa pele ga matlho a ditšhaba. Ka ntlha ya makgapha otlhe a gago ke tla go direla tse ke iseng nke ke di dire; le gona ga nka ke ka tlhola ke di dira gape. Ka moo borra-bana ba tla ja bana ba bone mo go wena; bana ba tla ja borraabo. Ke tla dirafatsa tshekiso le kotlo mo go wena, ke falaletsa masalela otlhe a gago kwa dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe. “Ka moo, ka bophelo jwa me, go bua Morena Modimo: E re ka ò itshekolotse Felo-ga-Boitshepo ga me ka maila otlhe a gago le ka makgapha otlhe a gago, ruri le nna ke tla go leleka, leitlho la me le sa rekegele; le nna ke sa tlhomoge pelo. Karolo ya ntlha ya gago e tla swa ka leroborobo, e nyelela ka tlala mo teng ga gago; karolo ya bobedi e tla wa ka tšhaka mo tikologong ya gago; karolo ya boraro ke tla e falaletsa kwa dikhutlong tsotlhe, ke ba somolela tšhaka gore e ba latelele. “Bogale jwa me bo tla dirafadiwa jalo; kgalefo ya me ke tla e kgorisa mo go bone, ke ipusolosetsa. Mme e tla re ke sena go ba dirafaletsa bogale jwa me, ba lemoge gore ke nna Morena yo ke buileng ke le lefufa. Ke tla go ntsha marope le nyatsego mo gare ga ditšhaba tse di mo tikologong ya gago fa pele ga matlho a botlhe ba ba fetang. “O tla nna kgobo le tshotlego le tlhagiso le theregiso mo ditšhabeng tse di mo tikologong ya gago, motlhang ke dirafatsang katlholo le petso mo go wena ka bogale le ka kgakalo le ka dikgalemelo tse di tshabegang; ke nna Morena yo ke buileng jalo. E tla re ke hula metsu e e bosula ya tlala mo go lona e e isang mo tshenyegong, e ke tla e romelang go lo senya, ke be ke lo okeletse tlala, ke lo senyetse seiphediso sa dijo. Ruri, ke tla lo romela tlala le dibata tse di bosula; di tla go amoga bana. Leroborobo le tshololo ya madi di tla go ralala. Ke tla go tlisetsa tšhaka. Nna Morena ke buile jalo.” Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa dithabeng tsa Iseraele, o di rerele o re: ‘Lona dithaba tsa Iseraele, utlwang Lefoko la Morena Modimo! Morena Modimo o bua jaana le dithaba le dithota le melapo le megorogoro a re: Bonang, ke tla lo tlisetsa tšhaka, ke senya dithota tsa lona tsa tlhabelo. Dialetare tsa lona di tla senngwa, medimo ya majwe a a motloutlo ya letsatsi e tla thubaganngwa. Babolawi ba lona ke tla ba latlhela fa pele ga medimo ya lona ya maila. Ditoto tsa Baiseraele ke tla di latlhela fa pele ga medimo e e maila ya bone; ke gasa marapo a lona mo tikologong ya dialetare tsa lona. Mo gotlhe mo lo agileng teng, metse e tla fetolwa marope, dithota tsa tlhabelo di tla senngwa gore dialetare tsa lona di tlogelwe, di thubaganngwe gore medimo e e maila ya lona e phatlakanngwe, e fedisiwe, le majwe a a motloutlo a letsatsi a digwe le dibopiwa tsa lona di nyelediwe. Ba ba bolailweng ba tla rapalala mo gare ga lona gore lo tle lo itse, fa ke le Morena. “ ‘E tla re lo falalediwa kwa mafatsheng, ke sadise bangwe ba lona ba ba falotseng mo tšhakeng; ba tla nna kwa ditšhabeng. Mme ba ba falotseng ba lona ba tla nkgopola ba le kwa ditšhabeng tse ba isitsweng mo botshwarong kwa go tsona. Ke tla phatlola dipelo tsa bone tse di akafalang le go ikepa mo go nna, le go tlhontsha matlho a bone a a akafalang, a sala medimo ya bone e e maila morago. Foo ba tla inyatsa ka bosi ka ntlha ya masula a maila otlhe a bone a ba a dirileng. Le gona ba tla lemoga gore ke nna Morena; le gore ke ne ke sa tshameke, fa ke re ke tla ba isa mo tatlhegong eo.’ ” Morena Modimo o bua jaana a re: “Ithwale megono, o tibe ka lonao o re: ‘Ijoo!’ Maila a a bosula a Baiseraele a kana kang ne! Ka moo ba tla wa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo. Yo o kgakala o tla swa ka leroborobo; yo o gaufi o tla wa ka tšhaka; yo o falotseng, a bolokwa, o tla swa ka tlala. Ke tla dirafatsa kgakalo ya me jalo mo go bone. E tla re fa babolawi ba bone ba namaletse mo gare ga medimo e e maila ya bone, mo tikologong ya dialetare tsa bone, mo dithabeng tsotlhe le mo ditlhoeng tsotlhe tsa dithaba, le fa tlase ga ditlhare tsotlhe tse ditala, le fa tlase ga ditlhare tsotlhe tsa metherebinthe tse di lesuthu, mo mafelong kwa ba neng ba fisetsa medimo yotlhe e e maila ya bone matlhare a monko o o monate gona: Foo lo tla itse gore ke nna Morena. Mme ke tla ba otlololela letsogo, ke fetola lefatshe sekaka le marope go tswa kwa sekakeng go ya go fitlha kwa Ribela, mo gotlhe fa ba agileng teng. Ba tla itse jalo, fa ke le Morena.” Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Wena morwa-motho! Morena Modimo o bua le naga ya Iseraele jaana a re: Bokhutlo bo tlile, e bong bokhutlo jwa dikhutlo tse nne tsa lefatshe. Jaanong bofelo bo a go tlela. Ke tla go romela bogale jwa me, ke go atlhola ka fa tsamaong ya gago, ke go beletsa maila otlhe a gago. Leitlho la me ga le ka ke la go utlwela botlhoko; ga nka ke ka go tlhomogela pelo. Mme ke tla go beletsa ditsela tsa gago. O tla boelwa ke makgapha a gago. Mme lo tla itse gore ke nna Morena.” Morena Modimo o bua jaana a re: “Bonang, ditatlhego di e tla ka go latelana. Bokhutlo bo tlile, bofelo bo e tla; bo go tsogetse, bonang, bo e tla. Phetogo e a go tlela, wena moagi wa lefatshe. Sebaka se e tla, letsatsi le gaufi, e bong la therego, e seng la tuduetso kwa dithabeng. “Jaanong ke tla akofa ke goromeletsa kgalefo ya me mo go wena, ke dirafatsa bogale jwa me mo go wena, ke go atlhola ka fa tsamaong ya gago, ke go bolaisa maila otlhe a gago. Leitlho la me ga le ka ke la rekegela, ga nka ke ka tlhomoga pelo; ke tla go naya tse di tshwanetseng tsamao ya gago. Maila a gago a tla go bolaya, mme lo tla itse gore ke nna Morena yo o lo otlang. “Letsatsi ke leo, bonang, le e tla; phetogo e bolotse, thupa e tswa dithunya, boikgantsho bo a tlhoga. Go dira ka thata go tsogile go nna kotlo ya boikepo. Ga go ka ke ga sala sepe sa bone, le e seng sa bontsi jwa bone le e seng kgalalelo mo go bone. “Sebaka se tlile, letsatsi le atametse. A moreki a se ka a itumela! A morekisi a se ka a hutsafala! Gonne bogale jwa Modimo bo senya dilo tsotlhe tsa teng. Gonne morekisi ga a nke a boela kwa go tse di rekisitsweng, le fa a sa ntse a phela. Gonne polelelopele ka ga dilo tsotlhe tsa lefatshe ga e ka ke ya boela kwa morago. Ga go na ope yo o phelang mo boleong, yo o ka bolokang bophelo jwa gagwe. Ba letsa lonaka le go baakanya tsotlhe, mme ga go na ope yo o yang kwa ntweng. Gonne bogale jwa me bo tuketse dilo tsotlhe tsa teng. “Tšhaka e ka kwa ntle. Leroborobo le tlala di ka mo teng. Yo o kwa tshimong o tla swa ka tšhaka; yo o mo motseng tlala le leroborobo di tla mo ja. Ba ba falotseng ba bone ba tla nna kwa dithabeng jaaka maeba a dikgaga, ba lela botlhe, mongwe le mongwe ka ntlha ya boleo jwa gagwe. Mabogo otlhe a tla repa; mangole otlhe a tla nna metsi. Ba tla apara diaparo tsa bohutsana; therego e tla ba khurumetsa. Difatlhego tsotlhe di tla tlhajwa ke ditlhong; ditlhogo tsotlhe tsa bone di tla nna mafatla. Selefera ya bone ba tla e latlhela mo mebileng. Gouta ya bone e tla nna maila mo go bone. Selefera ya bone le gouta ya bone ga di kitla di kgona go ba pholosa ka letsatsi la bogale jwa Morena. Ga ba nke ba itse go didimatsa selelo sa bone ka tsona, le e seng go kgorisa dimpa tsa bone ka tsona. Gonne ke tsona tse di ba leofisitseng. Bone ba ne ba ikgantsha ka bontle jwa mekgabo ya tsona; ba bile ba dira ditshwantsho tsa medimo e e maila le makgapha ka tsona. Ke ka moo ke tla di ba fetolelang se se ba tenang. “Ke tla di neela mo diatleng tsa baeng, gore ba di thope, le mo diatleng tsa baikepi ba lefatshe gore ba di ba thukhuthe, ba di itshekolole. Ke tla faposa sefatlhego sa me mo go bone gore dinokwane di itshekolole lehumo la me, di tsene mo go lone, di le tlhapatse. “Dira keetane! Gonne lefatshe le tletse melato ya go tsholola madi, le motse o tletse tshiamololo. Ke tla tlisa ditšhaba tse di setlhogo go feta tsotlhe; di tla thopa matlo a bone. Ke tla khutlisa boikgodiso jwa beng ba thata. Mafelo a a boitshepo a bone a tla itshekololwa. Pitlagano e e tla; ba batla thuso, mme ga e yo. Kotsi e tla latela kotsi; pegelo e e tshosang e latela pegelo e e tshosang. Ba tla batla pono mo go moporofeti, mme thuto e senyegetse moperesiti, le kgakololo ga e yo mo banneng ba bagolo. Kgosi e tla hutsafala; kgosana e tla apara therego. Diatla tsa batho ba lefatshe di tla repa ka letshogo. Ke tla ba direla ka fa tsamaong ya bone, ke ba atlhola ka fa go tshwanetseng ka teng, mme ba tla itse gore ke nna Morena.” E rile ka ngwaga wa borataro, ka letsatsi la botlhano la kgwedi ya borataro, ke ntse mo ntlong ya me, bagolo ba Bajuta ba ntse fa pele ga me, seatla sa Morena Modimo sa wela mo go nna teng. Ka leba, ka bona mongwe yo e keteng ke monna, go tloga fa e keteng ke letheka la gagwe go ya kwa tlase o ne a le molelo; go tloga fa lethekeng la gagwe go ya kwa godimo o ne a bonala jaaka kgalalelo le jaaka kgotlho e e phatsimang. A ntsha se e keteng ke seatla, a ntshwara ka moriri wa tlhogo ya me; Mowa wa ntsholeletsa fa gare ga legodimo le lefatshe, wa nkisa kwa Jerusalema ke le mo diponong tsa Modimo, kwa mojakong wa kgoro ya lelapa le le ka fa teng e e lebileng kwa bokone, kwa go neng go le maemo a setshwantsho sa modimo wa lefufa se se tsositseng lefufa la Morena. Bonang, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e le teng, e bonala jaaka ke e bonye kwa lebaleng. A nthaya a re: “Morwa-motho, a ko o tsholetse matlho, o lebe kwa bokone!” Ka tsholetsa matlho, ka leba kwa bokone, ka fitlhela ntlheng ya bokone ya kgoro ya aletare go le setshwantsho sele sa modimo wa lefufa fa botsenong. A ba a mpotsa a re: “Morwa motho, a o bona se ba se dirang, e bong makgapha a magolo a Baiseraele ba a dirang fano, gore ke katogane thata le Felo-ga-Boitshepo ga me? Mme o tla bona makgapha a magolo a mangwe gape.” Ke fa a nkisa kwa mojakong wa lelapa la Tempele, ka leba, ka bona phatlha mo loboteng. A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, a ko o phunye lobota!” Ka lo phunya, ka fitlhela go le setswalo teng. A nthaya a re: “Tsena o bone makgapha a a bosula a ba a dirang fano.” Ka tsena ka leba ka fitlhela ditshwantsho tsa mefutafuta tsa digagabi le tsa diphologolo tse di ilegang le mefutafuta ya medimo e e maila ya Baiseraele e e tshwantshitsweng mo tikologong yotlhe ya lobota. Banna ba le 70 ba bagolo ba Baiseraele ba bo ba eme fa pele ga tsona; le Jaasanya, morwa Safane, a eme mo gare ga bone; mongwe le mongwe a tshotse leiswana la gagwe la go fisa maswalo; bodupa jwa leru la maswalo jwa tlhatloga. A ba a mpotsa a re: “Morwa-motho, a o bonye se bagolo ba Baiseraele ba se dirang mo sephiring, mongwe le mongwe mo ntlwaneng ya setshwantsho sa gagwe? Gonne ba re: ‘Morena ga a re bone. Morena o tlogetse lefatshe.’ ” A ba a nthaya a re: “O tla bona makgapha a magolo a mangwe gape a ba a dirang.” Ke fa a nkisa kwa mojakong wa kgoro ya Ntlo ya Morena e e lebileng kwa bokone, ka fitlhela basadi ba ntse teng, ba lelela modimo Thamuse. A ba a mpotsa a re: “A o bonye seo se, morwa-motho? O tla bona makgapha a magolo a mangwe gape a a fetang a.” Ke fa a nkisa kwa lapeng la Ntlo ya Morena la ka fa teng, ka fitlhela fa mojakong wa Tempele ya Morena, fa gare ga leobo le aletare go le banna ba e ka nnang ba le 25 ba hularetse Tempele ya Morena, difatlhego tsa bone di lebile kwa botlhabatsatsi; bone ba obamela letsatsi ba lebile kwa botlhabatsatsi. A ba a mpotsa a re: “A o bonye seo se, morwa-motho? A ga go lekane Bajuta go dira makgapha a ba a dirang fano, mo ba bileng ba tlatsa lefatshe tshiamololo, ba nkgakatsa gape? Bona, ba baya kalana ya setlhare fa dinkong tsa bone. Ka moo le nna ke tla ba direla ka bogale. Leitlho la me ga le kitla le rekegela; ga nkitla ke tlhomoga pelo. Mme le fa ba goa mo ditsebeng tsa me ka kgoo e kgolo, ga nkitla ke ba utlwa.” Ke fa a kua ka lentswe le legolo mo ditsebeng tsa me a re: “Lona ba lo dirafatsang kotlo mo motseng, atamelang, mongwe le mongwe a tshotse sebolai se se senyang sa gagwe ka seatla!” Mme ka bona banna ba le barataro ba tla ka tsela e e tswang kwa kgorong e e kwa godimo e e lebileng kwa bokone; mongwe le mongwe a tshotse sebolai sa gagwe se se senyang ka seatla; monna a le mongwe a le mo gare ga bone, a apere lesela, a bofeletse kurwana ya enke ya mokwaledi mo lethekeng la gagwe; ba tla, ba ema fa thoko ga aletare ya kgotlho. Mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e tlogile mo go boKerubime ba e neng e le mo go bone, e ile kwa serepoding sa Ntlo ya Morena. Jaanong Morena a bitsa monna yole yo o apereng lesela yo o tshotseng kurwana ya enke ya mokwaledi mo lethekeng la gagwe, a mo raya a re: “Ralala motse wa Jerusalema ka mo gare, o bee letshwao mo diphatleng tsa banna ba ba fegelwang, ba ba lelang ka ntlha ya makgapha otlhe a a dirwang mo go ona.” Mme ba bangwe bale ka mo utlwa a ba laela a re: “Mo saleng morago, lo ralale motse, lo reme! A matlho a lona a se ka a rekegela! Se tlhomogeng pelo! Bolayang banna bagolo le makau le makgarebe le bana le basadi, lo ba bolaele ruri. Mme lo se ka lwa atamela ope yo o nang le letshwao. Simololang mo Felong-ga-Boitshepo ga me.” Mme ba simolola ka banna ba bagolo ba ba fa pele ga Ntlo. A ba a ba raya a re: “Itshepololeng Ntlo, lo tlatse malapa ditoto! Fetang lo tswele kwa ntle!” Mme ba bolola, ba bolaya batho mo motseng. Ya re ba ntse ba bolaya jalo, nna ke setse ke le nosi, ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka goa ka re: “Ao, Morena Modimo, a o nyeletsa masalela otlhe a Iseraele ka go goromeletsa bogale jwa gago mo Jerusalema?” Mme a nthaya a re: “Molato wa Baiseraele le wa Bajuta o mogolo thata thata. Lefatshe le tletse melato ya go tsholola madi, motse o tletse tshiamololo. Gonne ba re: ‘Morena o tlogetse lefatshe; Morena ga a re bone.’ Jaanong le nna leitlho la me ga le nke le ba utlwela botlhoko; ga nka ke ka tlhomoga pelo. Ke tla ba bolaisa maleo a bone.” Jaanong monna yole yo o apereng lesela, yo o tshotseng kurwana ya enke mo lethekeng la gagwe, a tla a ipega a re: “Ke dirile ka fa o ntaetseng ka teng.” Ka leba, ka bona mo loaping lo lo okameng ditlhogo tsa boKerubime go le se se tshwanang le lentswe le letala la safire; sengwe se e keteng ke sedulo sa bogosi se bonala godimo ga bone. Morena a raya monna yole yo o apereng lesela a re: “Tsena mo gare ga maotwana fa tlase ga boKerubime, o tabole magala a a tukang mo gare ga boKerubime ka diatla tsoo pedi, o a gasetse mo motseng.” Mme ka mmona a tsena. Jaanong ya re monna yole a tsena, boKerubime ba bo ba eme mo ntlheng ya le le jang ya Ntlo; leru la bo le tletse mo lapeng la ka fa teng. Kgalalelo ya Morena ya tloga mo go boKerubime, ya ya kwa serepoding sa Ntlo. Ntlo ya ba ya tlala musi, lelapa lone la tlala phatsimo ya kgalalelo ya Morena. Mosumo wa diphuka tsa boKerubime wa utlwala go fitlha kwa lapeng la ka fa ntle jaaka lentswe la Modimo, Mothatayotlhe, fa o bua. Jaanong ya re o sena go laela monna yole yo o apereng lesela wa re: “Tsaya molelo mo gare ga maotwana, mo gare ga boKerubime!” a tsena, a ema fa thoko ga leotwana. Ke fa Kerubime mongwe a ntsha letsogo, a le tsenya mo gare ga boKerubime, a le isa kwa molelong o o mo gare ga boKerubime, a tsaya magala, a a neela mo diatleng tsoo pedi tsa yo o apereng lesela; ene a a amogela, a tswa. Mo go boKerubime seatla se e keteng sa motho se ne se bonala, se tswa ka fa tlase ga diphuka tsa bone. Ya re ke leba, ka fitlhela maotwana a le mane a le fa thoko ga boKerubime; leotwana lengwe le lengwe le bapile le Kerubime wa lone. Ponalo ya maotwana e ne e tshwana le go tsabakela ga taemane e tala. A ne a bopegile ka go tshwana ka bone jwa ona; e kete leotwana le ne le le mo teng ga leotwana le lengwe. E ne e ya re fa a tsamaya, a itse go ya kwa ntlheng tse nne tsa ona; a se ke a retologe, fa a tsamaya. Gonne kwa leotwana la ntlha le lebileng teng, a mangwe a le sale morago; a ne a sa sokologe, fa a tsamaya. Mebele yotlhe ya bone le metlhana ya bone le mabogo a bone le diphuka tsa bone le maotwana di ne di tletse matlho mo ntlheng tse nne tsa teng. Ka utlwa maotwana a bidiwa sefefo. Sephedi sengwe le sengwe se ne se na le difatlhego di le nne; sefatlhego sa ntlha e le sa Kerubime, sa bobedi e le sa motho, sa boraro e le sa tau, sa bone e le sa ntsu. Ke fa boKerubime ba tlhatloga. Ke tsona diphedi tse nkileng ka di bona kwa nokeng ya Kebare. E a re fa boKerubime ba tsamaya, maotwana le one a tsamae a bapile nabo; fa boKerubime ba tsharolola diphuka tsa bone go tlhatloga mo lefatsheng, maotwana ona a se ke a tloge fa thoko ga bone. E re fa ba ema, le ona a eme; fa ba tlhatloga, le ona a tlhatloge nabo. Gonne mowa wa diphedi o ne o le mo go ona. Kgalalelo ya Morena ya tlogela serepodi sa Ntlo, ya ya go okama boKerubime. Ke fa boKerubime ba tsholetsa diphuka, ba tlhatloga mo lefatsheng, ke ntse ke lebile; ya re ba tloga, maotwana a ya nabo. Ba ya ba ema kwa mojakong wa kgoro ya Ntlo ya Morena e e lebileng kwa botlhabatsatsi, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ntse e ba okame. Ke tsona diphedi tse nkileng ka di bona fa tlase ga Modimo wa Iseraele kwa nokeng ya Kebare; ka lemoga gore ke boKerubime. Mongwe le mongwe o ne a na le difatlhego tse nne, e bile a na le diphuka tse nne; diatla tse e keteng ke tsa motho di ne di le ka fa tlase ga diphuka tsa bone. Difatlhego tsa bone di ne di tshwana tota le difatlhego tse nkileng ka di bona kwa nokeng ya Kebare. Fa e le ponalo ya bone le maikaelelo a bone, mongwe le mongwe a tlhamalalela kwa a lebileng teng. Jaanong Mowa wa ntsholetsa, wa nkisa kwa kgorong ya Ntlo ya Morena ya botlhabatsatsi e e lebileng kwa botlhabatsatsi, mme ka fitlhela banna ba le 25 fa mojakong wa kgoro; ka bona Jaasanya, morwa Asure, le Phelatya, morwa Benaya, dikgosana tsa morafe, ba le mo go bone. Ke fa Morena a nthaya a re: “Morwa-motho, banna bao ba akanya bokgopo, ba tsenya kgakololo e e bosula mo motseng o ba re: ‘Tshenyego ya motse e kgakala. Agang matlo. Motse ke pitsa, mme rona re nama.’ Ka moo, ba rerele Lefoko la Modimo le le ba bôpelang petso, o ba bolelele Lefoko la Modimo, wena morwa-motho.” Ke fa Mowa wa Morena o wela mo go nna, o nthaya o re: “E re: Morena o bua jaana a re: ‘Lona Baiseraele lo buile jalo. Megopolo ya dipelo tsa lona ke a e itse. Lo bolaile ba bantsi mo motseng o, lwa tlatsa mebila ya ona ditoto.’ “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana a re: ‘Ba ba bolailweng ke lona, ba lo ba namaladitseng mo go ona, bone ke dinama, ona ke pitsa, mme lona, ke tla lo ntsha mo go ona. Tšhaka e lo e boifang ke yona e ke tla e lo tlisetsang, go bua Morena Modimo. Ke tla lo ntsha mo go ona, ke lo neela mo diatleng tsa baeng, ke lo otla ka kotlo e kgolo. Lo tla wa ka tšhaka; ke tla lo atlhola fa molelwaneng wa Iseraele gore lo itse fa ke le Morena. Motse o ga e ka ke ya nna pitsa ya lona; lona ga lo ka ke lwa nna nama e e mo go yona. Ke tla lo atlhola fa molelwaneng wa Iseraele. Lo tla itse gore ke nna Morena yo lo sa sepelang ka fa melaong ya me, yo ditshiamo tsa me lo sa di dirafatsang, mme lo dirile ka fa mekgweng ya baheitane ba ba mo tikologong ya lona.’ ” Ya re ke rera jalo, ga swa Phelatya, morwa Benaya. Ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka goa ka lentswe le legolo ka re: “Ao! Morena Modimo, a o fedisa masalela a Iseraele?” Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go nna le re: “Morwa-motho, ke tla phedisa bomorwa-rraago, e leng batshwarwi ka wena le Baiseraele botlhe, botlhe mmogo, bao baagi ba Jerusalema ba buileng ka ga bone ba re: ‘Ba kgakala le lefatshe la Morena; ke rona re le neetsweng go nna boswa.’ “Ka moo o re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: Tota ke ba katoseditse kwa kgakala kwa baheitaneng, ka ba falaletsa kwa mafatsheng, ka nna felo ga boitshepo ga bone go le gonnye fela mo mafatsheng a ba tsenyeng mo go ona.’ “Ka moo o re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: Mme ke tla ba kgobokanya gape, ke ba ntsha mo merafeng, ke ba phutha, ba boa mo mafatsheng a ke ba falaleditseng kwa go ona. Ke tla ba naya lefatshe la Iseraele. Ba tla boela teng. Maila otlhe a teng le makgapha otlhe a teng ba tla a tlosa mo go lone. Ke tla ba naya dipelo di sele, ke tsenya mowa o mošwa mo teng ga bone. Dipelo tse di matlapa ke tla di tlosa mo mebeleng ya bone, ke ba naya pelo tsa nama gore ba sepele ka fa melaong ya me, ba boloke tshiamo ya me, ba e dirafatse. Foo ba tla nna morafe wa me; mme nna ke tla nna Modimo wa bone. Mme bone bao ba Jerusalema ba dipelo tsa bone di latelang maila a bone le makgapha a bone, ke tla ba bolaisa maleo a bone,’ go bua Morena Modimo.” Ke fa boKerubime ba phutholola diphuka, le maotwana a dikologa nabo, kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ntse e ba okame. Jaanong kgalalelo ya Morena ya tlhatloga, ya tswa mo motseng, ya ya go ema mo thabeng e e mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse. Mme Mowa wa ntsholetsa, wa mpusetsa kwa Kalatea kwa batshwarwing, ke le mo ponong ya Modimo ka Mowa wa ona. Mme pono e ke e bonyeng ya tlhatloga, ya ntlogela. Ka bolelela batshwarwi dilo tsotlhe tse Morena a di mpontshitseng. Lefoko la Morena la ba tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, o agile mo gare ga losika lwa baitaodi ba ba nang le matlho a go bona, mme ga ba bone; ba na le ditsebe tsa go utlwa, mme ga ba utlwe; gonne ke losika lwa baitaodi. “Mme wena morwa-motho, ipaakanyetse di-tsa-khudugo, o huduge motshegare ba ntse ba go bona, o tlogele felo ga gago, o ye kwa felong go sele fa pele ga matlho a bone. Ka gongwe ba tla lemoga sengwe. Gonne bone ke losika lwa baitaodi. Dithoto tsa gago di ntshetse kwa ntle motshegare jaaka dithoto tsa khudugo, ba ntse ba lebile, mme tloga mantsiboa ba ntse ba go bona, jaaka mongwe yo o hudugang. Mme o phunye lobota ba ntse ba go bona, o tswe ka phatlha ya lone. Sikara dithoto mo legetleng ba ntse ba go bona, o huduge bosigo, o ipipe sefatlhego gore o se bone naga. Gonne ke go dirile sesupo se se tshosang mo Baiseraeleng.” Ka dira jalo ka fa ke laetsweng ka teng; ka ntshetsa dithoto tsa me kwa ntle motshegare jaaka dithoto tsa khudugo, ka phunya lobota mantsiboana ka seatla, ka huduga bosigo, ka di sikara mo legetleng fa pele ga matlho a bone. Jaanong mo mosong Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, Baiseraele ba e leng losika lwa baitaodi, a ga ba a ka ba go botsa gore o dirang? Yaa o ba ree o re: ‘Morena Modimo o buile jaana a re: Taelo e ya Modimo e raya kgosi e e mo Jerusalema le Baiseraele botlhe ba ba nang nayo teng.’ O re: ‘Ke nna sesupo se se tshosang mo go lona. Bone ba tla dirafalelwa ka se ke se dirileng. Ba tla huduga, ba ya mo botshwarong. Kgosi e ba nang nayo e tla sikara dithoto mo legetleng mo lefifing le lentsho, e tswa ka lobota lo e tla lo phunyang gore e tswe ka lone; e tla ipipa sefatlhego gore e se ka ya bona lefatshe ka matlho. Ke tla e tsharololela letloa la me, mme e tla tshwarwa ka serai sa me. Ke tla e isa kwa Babele, kwa lefatsheng la Kalatea. Ga e kitla e le bona, mme e tla swela teng. Botlhe ba ba nang nayo le bathusi ba yona le mephato yotlhe ya yona ke tla ba gasanyetsa kwa dintlheng tsotlhe, ke somola tšhaka gore e ba latelele. “ ‘Ba tla lemoga jalo, fa ke le Morena, mogang ke ba falaletsang kwa ditšhabeng, ke ba phatlalaletsa kwa mafatsheng. Mme ke tla sadisa batho ba se kae mo go bone, ba tla falola mo tšhakeng le mo tlaleng le mo leroborobong gore ba bolele makgapha otlhe a bone mo ditšhabeng tse ba tla fitlhang kwa go tsona, mme tsona di itse gore ke nna Morena.’ ” Lefoko la Morena la ba la tla gape kwa go nna la re: “Morwa-motho, jaa bogobe jwa gago ka thoromo, o nwe metsi a gago ka teteselo le tshwenyego. O be o ree batho ba lefatshe o re: ‘Morena Modimo o bua jaana ka ga banni ba Jerusalema mo nageng ya Iseraele a re: Ba tla ja bogobe jwa bone ka tshwenyego, ba nwa metsi a bone ka therego ka go boifela gore lefatshe la bone le tla fetoga sekaka se se se nang sepe ka ntlha ya tshiamololo ya botlhe ba ba agileng mo go lone. Metse e batho ba nnang mo go yona e tla fetoga marope; lefatshe le tla ntshiwa sekaka, mme lo tla itse fa e le nna Morena.’ ” Lefoko la Morena la tla gape kwa go nna la re: “Morwa-motho, ke puo ya eng e lo e buang ka ga naga ya Iseraele lo re: ‘Malatsi a a leelefala, mme ga go na tsholofetso epe e e dirafalang.’ Ka moo ba ree o re: ‘Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Ke tla khutlisa puo eo gore ba se ka ba tlhola ba e bua mo Baiseraeleng. Nnyaya!’ Mme o ba ree o re: ‘Malatsi a atametse a tsholofetso nngwe le nngwe e tla dirafalang ka ona. “ ‘Gonne ga go ka ke ga tlhola go nna le pono epe ya tsietso, le fa e le boitseanape jwa kgatlhego fela mo Baiseraeleng. Gonne nna Morena ke tla bua, mme lefoko le ke le buang le tla dirafala; ga le kitla le tlhola le diega. Ruri, mo malatsing a lona, lona ba losika lwa baitaodi, ke tla bua lefoko, ke ba ke le dirafatsa.’ ” Morena Modimo o buile jalo. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, bona, Baiseraele ba bolela ba re: ‘Pono e moporofeti o e bonang e raya malatsi a a kwa pele; o bolelela tsa metlha e e kwa kgakala pele.’ Ka moo o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: Mafoko otlhe a me ga a kitla a tlhola a diega. Lefoko le ke le buang le tla dirafala.’ ” Morena Modimo o buile jalo. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, rera ka ga baporofeti ba Iseraele ba ba rerang tse di tswang mo dipelong tsa bone, o ree baporofeti bao o re: ‘Utlwang Lefoko la Morena! “ ‘Morena Modimo o bua jaana a re: A tatlhego wee ya baporofeti ba e leng dieleele, ba ba latelang mewa ya bone le tse ba iseng ba ke ba di bone. Lona Baiseraele, baporofeti ba lona ba tshwana le diphokojwe tse di mo maropeng. Ga ba a bolela go thiba diphatlha mo loboteng, ga ba a agelela Baiseraele ka lobota gore ba itse go ema mo tlhabanong ka letsatsi la Morena. Ba bonye tsa tsietso le boitseanapa jwa maaka, ba ntse ba re: “Morena a re!” Mme Morena ga a a ba roma. Jaanong ba letetse gore o dirafatse lefoko la bone. A ga ke re, lo bonye pono ya tsietso, lwa bua boitseanape jwa maaka, lo ntse lo re: “Morena a re”? Mme nna ga ke a bua jalo.’ “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana a re: ‘E re ka lo buile tsa tsietso, lwa bona dipono tsa maaka, ka moo itseng, ke tla lwa le lona, go bua Morena Modimo.’ Letsogo la me le tla lwa le baporofeti ba ba bonang dipono tsa tsietso, ba ba buang boitseanape jwa maaka. Ga ba nke ba nna mo phuthegong ya morafe wa me le e seng go kwalwa mo lokwalong lwa Baiseraele, le e seng go boela kwa nageng ya Baiseraele, gore lo tle lo itse, fa ke le Morena Modimo. “Ba timeditse morafe wa me ka go re: ‘Kagiso!’ etswe kagiso e se yo. Fa morafe o aga lobota, bone ba a lo taka. Ka moo raya ba ba takang o re: ‘Lo tla wa. E tla re fa pula e kgolo e na, le matlapa a sefako a na, le phefo ya ledimo e foka, foo lobota lo tla wa! A ga ba nke ba lo botsa ba re: Motako o kae o lo lo takileng ka ona? “ ‘Ka lebaka leo Morena Modimo o bua jaana a re: Ke tla fokisa phefo ya ledimo ka kgalefo ya me; pula e kgolo e tla na ka bogale jwa me; matlapa a sefako a tla senyetsa ruri, ka ke gaketse. Ke tla diga lobota lo lona lo lo takileng ka motako, ke lo digela fa fatshe gore motheo wa lone o senolwe; lobota lo tla wa, mme lona lo tla bolawa ke lone gore lo tle lo itse, fa ke le Morena. “ ‘Ke tla dirafaletsa lobota kgalefo ya me le ba ba lo takileng ka motako, mme lona ke tla lo raya ke re: Lobota ga lo teng, le ba ba lo takileng ga ba yo. Ke raya baporofeti ba Iseraele ba ba rerang ka ga Jerusalema, ba mmonela dipono tsa kagiso, le fa kagiso e se yo.’ ” Morena Modimo o buile jalo. “Wena morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa go bomorwadia morafe wa ga eno go lwa nabo, ba ba itirang baporofeti, ba rera tse di tswang mo dipelong tsa bone, o rere ka ga bone o re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: A tatlhego wee ya basadi ba ba rokelang ditokololo tsotlhe tsa mabogo merabana, ba ba direlang ditlhogo tsotlhe tse di fetafetanang dikuane tse di phekotsweng, e le go tsoma batho. A lo a re lo tsoma batho ba morafe wa me le go iphedisa ka bone? Lo intshepolola mo morafeng wa me gore lo bone garase e e tlalang diatla le dithathana tsa bogobe, gore lo tle lo bolae mewa e e sa tshwanelang go swa; gore lo phedise mewa e e sa tshwanelang go phela ka maaka a lona a go aketsa morafe wa me, o o ratang go utlwa maaka.’ “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana a re: ‘Bonang, ke tla lwa le merabana ya lona e lo tsomang batho ka yona jaaka dinonyane; ke tla e gagola, ke e tlosa mo mabogong a lona; ke tla golola batho ba lo ba tsomang gore ba gologe jaaka dinonyane. Ke tla gagola dikuane tsa lona, ke falodisa batho ba me mo diatleng tsa lona, mme ga ba kitla ba tlhola ba nna mo diatleng tsa lona, lo ba ipapaletse, gore lo tle lo itse, fa ke le Morena. “ ‘E re ka lo boifisitse dipelo tsa basiami ka maaka, tse nna ke neng ke sa rate go di utlwisa botlhoko; lwa tiisa diatla tsa baikepi gore ba se ka ba tlogela ditsela tsa bone tse di bosula, le gore ba se ka ba phedisiwa, ka moo ga lo kitla lo tlhola lo bona dipono tse di tsietsang le e seng go bolela tsa boitseanape; mme ke tla golola morafe wa me mo diatleng tsa lona gore lo tle lo itse, fa ke le Morena.’ ” Banna bangwe ba bagolo ba Iseraele ba ne ba tla kwa go nna, ba nna fatshe fa pele ga me. Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go nna le re: “Morwa-motho, banna bao medimo e e maila ya bone ba e tlotlomaditse mo dipelong tsa bone; ba ipeela sekgopiso sa boikepo jwa bone fa pele ga bone. A ruri ba ka mpotsa, ka ba fa karabo? “Ka moo bua nabo, o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: Monna mongwe le mongwe wa Baiseraele yo o tlotlomatsang medimo e e maila ya gagwe mo pelong ya gagwe, a ipeela sekgopiso sa boikepo jwa gagwe fa pele ga gagwe, a tloga a ya kwa moporofeting, nna Morena ke tla mo araba ka nosi ka ntlha ya medimo e mentsi e e maila ya gagwe; e le gore ke tshware dipelo tsa Baiseraele tse di ntlhadileng tsotlhe ka ntlha ya medimo e e maila ya bone.’ “Ka moo raya Baiseraele o re: Morena Modimo o bua jaana a re: Tlhabologang lo tlogeleng medimo e e maila ya lona; sokololang difatlhego tsa lona mo makgapheng aotlhe a lona. “ ‘Gonne monna mongwe le mongwe wa Baiseraele le wa baeng ba ba agileng mo go Iseraele yo o ntlhadileng, a sa ntshale morago, mme a tlotlomatsa medimo e e maila ya gagwe mo pelong ya gagwe, a ba a ipeela sekgopiso sa boikepo jwa gagwe fa pele ga gagwe, a tloga a ya kwa moporofeting, a re o mpotsa ka ga tsa gagwe: Nna Morena ke tla mo araba ka nosi. Motho yoo ke tla mo leba ka bogale, ke lwa nae, ke mo dira sesupo le seane; ke tla mo nyeletsa mo morafeng wa me, gore lo itse, fa ke le Morena. “ ‘Mme fa moporofeti a ka tsietsega, a bua lefoko, moporofeti yoo nna Morena ke tla bo ke mo tsieditse, mme ke tla mo otlololela letsogo, ke mo nyeletsa mo morafeng wa me wa Iseraele. Ba tla rwala petso ya boikepo jwa bone. Molato wa moporofeti o tla tshwana fela le molato wa mmotsi, gore Baiseraele ba se ka ba tlhola ba ntlhala, ba se ka ba tlhola ba itshekologa ka maleo a bone. Foo ba tla nna morafe wa me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone, go bua Morena Modimo.’ ” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, fa lefatshe le nteofela ka go senya boikanyo, mme ke le otlololela letsogo, ke le senyetsa seiphediso sa bogobe, ke le romela tlala, ke nyeletsa batho le diruiwa mo go lone. Jaanong le fa Noa le Daniele le Jobe ba ka bo ba le mo go lone, banna ba bararo bao, go ne go tla phologa bone fela ka tshiamo ya bone.” Go bua Morena Modimo. “Gongwe fa ke ralatsa dibata tse di bosula lefatshe, mme di fetsa batho ba lone gore le fetoge sekaka, fa go se neng go ralala ope teng ka ntlha ya dibata.” Morena Modimo o a re: “Le fa banna ba bararo bao ba ka bo ba le mo go lone – ruri ka bophelo jwa me! – ba ka bo ba sa ka ke ba pholosa bomorwaa-bone le e seng bomorwadia-bone. Ba ne ba tla phologa ba le bosi fela, mme lefatshe leo le fetoga sekaka. “Gongwe fa ke tlisa tšhaka e e bolayang lefatshe leo ke re: ‘Tšhaka, ralala lefatshe!’ ke nyeletsa batho le diruiwa mo go lone.” Morena Modimo o a re: “Jaanong le fa banna ba bararo bao ba ka bo ba le mo go lone – ruri ka bophelo jwa me! – ba ka bo ba sa ka ke ba pholosa bomorwaa-bone le e seng bomorwadia-bone, mme go ne go tla phologa bone ba le bosi fela. “Gongwe fa ke romela lefatshe leo leroborobo, ke goromeletsa kgalefo ya me mo go lone ka tshololo ya madi go nyeletsa batho le diruiwa mo go lone.” Morena Modimo o a re: “Le fa Noa le Daniele le Jobe ba ka bo ba le mo go lone – ruri ka bophelo jwa me! – ba ka bo ba sa ka ke ba pholosa morwaa-bone ope le e seng morwadia-bone ope. Ba ne ba tla pholosa maphelo a bone fela ka tshiamo ya bone.” Gonne Morena Modimo o bua jaana a re: “Le fa ke romela dikotlo tse nne tsa me tse di botlhoko kwa Jerusalema, e leng tšhaka le tlala le dibata tse di bosula le leroborobo go nyeletsa batho le diruiwa teng, fela itseng gore go tla sadisiwa ba ba phologang teng, ba ba tla ntshang bomorwaa-bone le bomorwadia-bone teng. Bonang, e tla re ba tswela kwa go lona, mme lo bona tsamao ya bone le ditiro tsa bone, lo gomotsege ka ga tatlhego e ke e digetseng mo Jerusalema le ka ga tsotlhe tse ke di mo diretseng. Lo tla gomodiwa ke go bona tsamao ya bone le ditiro tsa bone. Lo tla itse gore tsotlhe tse ke di mo diretseng ga ke a di dira kwa ntle ga lebaka.” Go bua Morena Modimo. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, logong lwa moweine lo phala dikgong tsotlhe ka eng? Ke raya kalana ya moweine e e itharileng mo ditlhareng tsa sekgwa. A go ka tsewa logong lwa ona go dira tiro ka lone? Gongwe a ba ka betla lomapo ka ona go pega dilo mo go lone? Kana lo latlhelwa mo molelong go jewa ke ona. Fa molelo o jele dintlha tsa lone tse pedi, mme bogare jwa lone bo setse e le motswaiso fela, a lo ka solega molemo mo tirong nngwe? Kana fa lo itekanetse, ga lo na molemo mo tirong epe. Jaanong fa molelo o lo jele, mme lo šwele, gona lo ka thusa eng? Ga lo ka ke lwa dirisiwa mo tirong epe.” Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana a re. “Ke tla dirafaletsa baagi ba Jerusalema se se dirafalelang logong lwa moweine o o itharileng mo ditlhareng tsa sekgwa, lo ke lo latlhelang mo molelong go jewa ke ona. Ke tla ba leba ka bogale, ke lwa nabo. Le fa ba dule mo molelong, molelo o tla ba nyeletsa. Lona lo tla itse gore ke nna Morena, mogang ke ba lebang ka bogale go ba otla. Ke tla fetola lefatshe la bone sekaka, gonne ba sentse boikanyo.” Go bua Morena Modimo. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, itsise Jerusalema makgapha a gagwe o re Morena Modimo o bua jaana le Jerusalema a re: “Tlhago ya gago le botsalo jwa gago ke tsa lefatshe la Bakanana. Rraago ke Moamori, mmaago ke Mohethe. Botsalo jwa gago bo ne bo le jaana: E rile ka letsatsi le ò tsalwang ka lone, kolane ya gago ya se ka ya kgaolwa, wa se ka wa tlhapisiwa ka metsi gore ò nne phepa; wa se ka wa sidilwa ka letswai le e seng go phuthelwa ka masela. Go ne go se leitlho le le go utlwelang botlhoko go ka go direla sengwe sa tseo le go ka go tlhomogela pelo, mme wa latlhelwa kwa nageng ka ntlha ya nyatsego ya bophelo jwa gago ka letsatsi le ò tsetsweng ka lone. “Mme ka feta fa go wena, ka go bona ò bidikama ò tletse madi, ka go raya ò le mo mading a gago ka re: ‘Phela!’ Ka ba ka go raya gape ò le mo mading a gago ka re: ‘Phela!’ Ka go ntsifatsa segolo jaaka ditlhogi tsa naga, mme wa gola, wa nna mogolo, wa nna montle thata. Ò ne ò dule mabele, moriri wa gago o ne o godile, mme ò ne ò sa ikatega, ò sa apara sepe. “Ka ba ka feta fa go wena, ka go bona, ka fitlhela sebaka sa gago e le sebaka sa lorato; ka phutholola kobo ya me, ka go apesa, ka bipa bosaikatega jwa gago, ka go ikanela, ka dira kgolagano nao, mme wa nna wa me.” Go bua Morena Modimo. “Ka go tlhapisa ka metsi, ka go tlhapisa madi a a neng a le mo go wena, ka go tlotsa lookwane. Ka go apesa diaparo tsa mebalabala, ka go rwesa ditlhako tsa letlalo la ntšwa ya lewatle, ka go tlama ka masela a mantle, ka go kgabisa ka lesire la sei. Ka go kgabisa ka mekgabo, ka go rwesa maseka mabogong le dibaga molaleng. Ka go rwesa lenyena la nko le manyena a ditsebe, le serwalo se sentle mo tlhogong. Wa kgaba jalo ka gouta le ka selefera. Diaparo tsa gago e ne e le tsa masela a mantle le tsa sei le tsa marabata. Wa ja dikuku le dinotshe le lookwane. Wa ba wa nna montle thata, wa tswelela pele, wa bona bogosi. Wa tuma mo ditšhabeng ka bontle jwa gago, ka gonne bo ne bo tletse mokgabo wa me o ke neng ke go kgabisitse ka ona.” Go bua Morena Modimo. “Mme ò ne wa ikgantsha ka bontle jwa gago, wa akafala ka ntlha ya tumo ya gago, wa itatlhela mo go mongwe le mongwe yo o fetang go dira boaka nae le go nna wa gagwe. Wa tsaya diaparo tse dingwe tsa gago, wa itirela dithota tsa tlhabelo tse di mebalabala, wa akafala mo go tsona ka mokgwa o o iseng o ke o nne teng, o o sa tshwanelang. Le gona wa tsaya dilwana tse dintle tsa gago tsa gouta ya me le tsa selefera ya me, tse ke neng ke di go neile, wa itirela ditshwantsho tsa banna, wa dira boaka natso. Wa tsaya diaparo tsele tsa marabata tsa gago, wa di di apesa; wa baya lookwane lwa me le maswalo a me fa pele ga tsona. Dijo tsa me tse ke neng ke di go neile, dikuku le lookwane le dinotshe tse ke neng ke di go jesitse, wa di baya fa pele ga tsona gore di di nkgele monate. Ruri, go ntse jalo.” Go bua Morena Modimo. “Le gona wa tsaya bomorwao le bomorwadio ba ò neng ò ba mpelegetse, wa ba tlhaba gore ba nne dijo tsa tsona. A boaka jwa gago bo ne bo ise bo lekane, mo ò bileng wa tlhaba bomorwaake, wa ba naya ditshwantsho tsa medimo ka go ba fisetsa tsona? Le gona fa ò ntse ò dira maila a mefutafuta a gago le boaka jwa gago, ga ò gakologelwe malatsi a bonyana jwa gago jaaka ò ne ò sa ikatega, ò sa apara sepe, fa ò ntse o bidikama mo mading a gago. “Mme ya re ò sena go dira bosula jotlhe joo – Ijoo! A tatlhego ya gago wee!” go bua Morena Modimo. “Wa ikagela mmotwana, wa itirela thotana ya tlhabelo mo patlelong nngwe le nngwe. Wa aga thotana ya gago ya tlhabelo mo makgatlhanong otlhe a ditsela, wa fetola bontle jwa gago maila, wa paralaletsa mongwe le mongwe yo o fetang maoto, wa totisa boaka jwa gago. Le gona ò dirile boaka le Baegepeto ba ò bapileng nabo, ba ba nama e kgolo, wa godisa boaka jwa gago gore ò nkgakatse. “Ke fa ke go otlololela letsogo, ke lwa nao, ke fokotsa kabelo ya gago, ke go neela mo thateng ya bopelotshetlha jwa ba ba go tlhoileng, ya bomorwadia Bafelesita ba ba neng ba tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya mokgwa wa gago wa boaka. “Gape wa akafala le Baasiria, ka gonne ò ne ò ise ò kgore; wa dira boaka nabo, le gona wa se ka wa kgora. Wa ba wa akafala le lefatshe la barekisi, e bong la Kalatea; le gona ga go a ka ga go kgorisa.” Morena Modimo o a bua o a re: “Pelo ya gago e senyegile jang ne! fa o dirile tsotlhe tseo, e bong tiro ya mosadi wa seaka se se fetang diaka tsotlhe; fa o ne o ikagela mmotwana wa gago mo makgatlhanong mangwe le mangwe a ditsela, wa dira thotana ya tlhabelo ya gago mo patlelong nngwe le nngwe. Le gona o ne o sa tshwane le seaka sepe, ka o nyaditse tuelo ya boaka. A mosadi yo o senyang nyalo, yo o amogelang banna ba bangwe boemong jwa monna wa gagwe! Diaka tsotlhe di rekwa ka dimpho, mme wena o reka barati botlhe ba gago ka dineo tsa gago. O a ba reka gore ba tle kwa go wena, ba tswe mo ntlheng tsotlhe go dira boaka nao. O ne o sa tshwane le basadi ba bangwe ka boaka jwa gago; o ne o sa salwe morago ke banna gore ba dire boaka nao, le e seng go fiwa tuelo ya boaka, mme wena o ntshitse tuelo ya boaka. Ke yona pharologanyo.” Ka moo he, wena seaka, utlwa Lefoko la Morena! Morena Modimo o bua jaana a re: “E re ka o sentse tšhelete ya gago, mme ditlhong tsa gago di bipolotswe ka go akafala le barati botlhe ba gago le medimo yotlhe e e maila ya gago ya makgapha, wa ba wa tshololela medimo eo madi a bomorwao: Ruri, ke ka moo ke tla kgobokanyang barati botlhe ba gago ba o ba kgatlhileng le botlhe ba o ba ratileng mmogo le botlhe ba o ba tlhoileng. Ke tla ba kgobokanya mo ntlheng tsotlhe gore ba lwe nao, ke ba senolela bosaikatega jwa gago gore ba bone ditlhong tsotlhe tsa gago. Ke tla go atlhola jaaka go tshwanetse basadi ba ba sentseng nyalo, ba ba tsholotseng madi. Ke tla goromeletsa bogale le lefufa mo go wena gore madi a gago a tshololwe. Ke tla go neela mo diatleng tsa bone. Ba tla phoma mmotwana wa gago, ba phatlakanya dithota tsa tlhabelo tsa gago. Ba tla go apola diaparo, ba go amoga dilo tsa mokgabo, ba go tlogela o sa ikatega, o sa apara sepe. “Ba tla go tsosetsa morafe, ba go kgobotletsa ka majwe, ba go remaganya ka ditšhaka tsa bone. Ba tla fisa matlo a gago ka molelo, ba dirafatsa kotlo mo go wena fa pele ga matlho a basadi ba bantsi. Ke tla khutlisa boaka jwa gago jalo. Le gona ga o nke o tlhola o ntsha tuelo ya boaka. Ke tla itšhwesa pelo ka wena! – Mme morago ga moo lefufa la me le tla go tlogela; ke tla iketla, ke sa tlhole ke galefa. – E re ka o se ka wa gakologelwa malatsi a bošwa jwa gago, mme wa ntlhotlheletsa bogaleng ka dilo tsotlhe tseo, ke tla go bolaisa se o se jeleng.” Go bua Morena Modimo. “A ga o a dira boaka joo mmogo le maila otlhe a o a dirileng? “Bona, mongwe le mongwe yo o tlhabang diane o tla lebisa seane mo go wena se se reng. ‘Morwadi o tshwana le mmaagwe.’ O tshwana le mmaago yo o kobileng monna wa gagwe le bana ba gagwe. O tshwana le bomorwadia-mmaago ba ba lelekileng banna ba bone le bana ba bone. Mmaalona e ne e le Mohethe. Rraalona e ne e le Moamori. “Mogoloo ke Samaria yo o agileng mo ntlheng ya la molema la gago, ene le bomorwadie; monnao yo o agileng mo ntlheng ya le le jang la gago ke Sotoma le bomorwadie. Ga o a sepela mo ditseleng tsa bone, ga o a dira maila a bone. Di ne di sa go lekane. O sentse bogolo go bone mo ditseleng tsotlhe tsa gago.” Morena Modimo o re: “Ka bophelo jwa me! Sotoma monnao, ene le bomorwadie, ruri ga ba a ka ba dira jaaka go dirile wena le bomorwadio. Bona, molato wa ga Sotoma monnao e ne e le go ikgodisa; a na le letlotlo la dijo, a iketlile, a sa tshwenyege ka sepe, ene le bomorwadie, mme a se ka a thusa mmogisegi le mohumanegi. Jaanong ya re ke bona ba ikgantsha, ba dira maila fa pele ga me, ka ba tlosa. “Le Samaria o ne a sa dire bontlhanngwe jwa maleo a gago; mme maila a gago a feta a gagwe thata. O dirile bomorwadia-mmaago basiami ka maila otlhe a gago a o a dirileng. Ka moo he, rwala kgobo ya gago wena yo o emetseng bomorwadia-mmaago ka maleo a gago. E re ka o leofile bogolo go bone, ba siame bogolo go wena. Le gona, tlhajwa ke ditlhong, o rwale nyatsego ya gago, gonne o siamisitse bomorwadia-mmaago. “Mme ke tla fetola tatlhego ya bone, tatlhego ya Sotoma le bomorwadie le tatlhego ya Samaria le bomorwadie; le gona ke tla fetola tatlhego ya gago mmogo le ya bone, gore o tle o rwale nyatsego ya gago, o tlhajwe ke ditlhong ka ntlha ya tsotlhe tse o di dirileng, go ba gomotsa. Bomorwadia-mmaago, Sotoma le bomorwadie ba tla boela mo mannong a bone a pele; le Samaria le bomorwadie ba tla boela mo mannong a bone a pele; le wena le bomorwadio lo tla boela mo mannong a lona a pele. A ga ke re, ga o a ka wa umaka Sotoma monnao ka molomo wa gago mo malatsing a boikgodiso jwa gago, pele go ise go bipololwe bosula jwa gago jaaka bo bipolotswe gompieno, o ise o nne kgobo ya bomorwadia Siria le ya botlhe ba ba mo tikologong ya gago le ya bomorwadia Bafelesita ba ba go nyatsang mo ntlheng tsotlhe. Boaka jwa gago le makgapha a gago o na le go rwala petso ya tsona.” Go bua Morena. Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: “Ke tla go direla jaaka o dirile, wena yo o nyaditseng maikano ka go roba kgolagano. Mme morago ga moo ke tla gopola kgolagano e ke e dirileng nao mo malatsing a bošwa jwa gago. Ke tla dira kgolagano e e sa khutleng nao. Foo o tla gopola ditsela tsa gago, o tlhajwa ke ditlhong, fa o amogela bomorwadia-mmaago, bomogoloo le bomonnao; kana ke tla ba go naya go nna bomorwadio, mme e se ka o tshegeditse kgolagano ya gago. Mme nna ke tla dira kgolagano ya me nao gore o itse fa ke le Morena, gore o akanye, o tlhajwe ke ditlhong, o palelwe ke go bula molomo gape ka ntlha ya ditlhong tsa gago, fa ke go itshwarela tsotlhe tse o di dirileng.” Go bua Morena Modimo. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, bolelela Baiseraele mafoko a papiso le a setshwantsho o re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ntsu e kgolo ya diphuka tse dikgolo tse ditelele, e e nang le mafofa a mantsi a a mebalabala, ya tla kwa Lebanone, ya tsaya ntlha ya mosetere; ya kgetla ntlha ya dikalana tsa ona, ya e isa kwa lefatsheng la beng ba kgwebo, ya e baya mo motseng wa barekisi. Ya tsaya letlhogela la lefatshe la teng, ya le tlhoma mo tshimong e e jwetsweng, ya le baya fa metsing a mantsi, ya le tlhoma jaaka mogokare gore le tlhoge, e nne moweine o o anamang, mme o se ka wa golela kwa godimo; gore dikalana tsa ona di lebe kwa go yona, medi ya ona e nne ka fa tlase ga ona fela. Jaanong ya re o sena go nna moweine, wa tlhoga dikala le dikalana. “ ‘Mme gape ga bo go le ntsu e kgolo e nngwe e e nang le diphuka tse dikgolo le mafofa a mantsi. Bonang, moweine oo wa isa medi ya ona kwa go yona, wa tlhogisetsa dikala tsa ona kwa go yona gore yona e o nosetse sentle go phala ditema tse o tlhomilweng mo go tsona. Kana o ne o tlhomilwe mo tshimong e e molemo, fa metsing a mantsi gore o tlhoge dikala, o ungwe maungo, mme e nne moweine o montle.’ “Jaanong he bua o re: ‘Morena Modimo o botsa jaana re: A o tla gola sentle? A ga ke re, ntsu ele e tla kumola medi ya ona, e kgaola maungo a ona gore o omelele, mme go swabe matlhare otlhe a ona a a tlhogileng, go se thuso ka letsogo le le thata le e seng ka morafe o mogolo, fa e o kumola ka medi. Bonang, o tlhomilwe. A o tla gola sentle? A ga o nke o swaba gotlhe, fa phefo ya botlhabatsatsi e o ama? A ga o nke o swabela mo ditemeng, fa o tlhogileng teng?’ ” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “A ko o bue le ba losika lwa dirukhutlhi o re: ‘A ga lo lemoge gore tseo di kaya eng?’ O re: ‘Bonang, kgosi ya Babele e tlile kwa Jerusalema, ya tlosa kgosi ya teng le dikgosana tsa teng, ya di isa kwa go yona kwa Babele. Ya tsaya mongwe wa losika lwa bogosi, ya dira kgolagano nae, ya mmofa ka go mo ikanisa, ya tlosa ba bagolo ba lefatshe gore bogosi bo nne bokoa, bo se ka jwa itsosa gape; gore bo tshegetse kgolagano ya yona, e be e tlhomame jalo. Mme ene Setekia a e tsogela ka go roma barongwi ba gagwe kwa go Baegepeto gore ba mo nee dipitse le banna ba bantsi. A o tla kgona sengwe? Yo o dirileng jalo, a o tla falola? O sentse kgolagano, a o tla phologa? “ ‘Morena Modimo o bua o a re: Ka bophelo jwa me! Ruri o tla swela kwa Babele mo felong ga yona kgosi e e mo dirileng kgosi, e o tlhanogetseng ikaniso ya yona, a senya kgolagano e ba e dirileng mmogo. Farao ga a nke a mo thusa ka mephato e megolo ya batlhabani le ka bontsi jwa batho mo ntweng, fa baba ba kgobela mmu fa loboteng, fa ba aga dikago tsa tlhaselo go bolaya batho ba bantsi. Gonne o tlhanogetse maikano ka go senya kgolagano. Kana o ne a ikanne ka go e naya letsogo, mme o dirile tsotlhe tse; ga a nke a falola. “ ‘Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: Ka bophelo jwa me! Maikano a me a o a tlhanogetseng, le kgolagano ya me e o e sentseng, ke tla digela petso ya tsona mo tlhogong ya gagwe. Ke tla mo tsharololela letloa la me; o tla tshwarwa ka seru sa me. Ke tla mo isa kwa Babele, ke seka nae teng ka ntlha ya go senya boikanyo ka fa a nteofetseng ka teng. Batshabi botlhe ba gagwe ba mephato yotlhe ya gagwe ba tla wa ka tšhaka. Masalela a tla falalediwa kwa ntlheng tsotlhe. Lo tla itse fa e le nna Morena ke buileng jalo. “ ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: “ ‘Foo ke tla kgaola kalana ka nosi mo ntlheng ya mosetere o o godileng, ke e tlhoma; ke tla kgetla letlhogela le le boleta mo dintlheng tsa matlhogela a ona, ke le tlhoma ka nosi mo thabeng e kgolo e e godileng. Ke tla le tlhoma mo thabeng e kgolo ya Iseraele gore le tlhoge dikala, le ungwe maungo, e nne mosetere o montle. Dinonyane tsotlhe tsa mafofa a mefutafuta di tla nna mo go ona, di aga mo moriting wa dikala tsa ona. Ditlhare tsotlhe tsa naga di tla itse gore nna Morena ke kokobeditse setlhare se segolo, ka godisa setlhare se sennye; ke omeleditse setlhare se se metsi, ka tlhogisa se se neng se swabile. “ ‘Nna Morena ke buile jalo; le gona ke tla dira jalo.’ ” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Lo a reng, lona ba lo tlhabang seane se sa tshotlo ka ga lefatshe la Iseraele lo a re: “ ‘Borra-bana ba jele makgela, mme meno a bana a dilega’? “Morena Modimo o a bua o a re: Ka bophelo jwa me! Ga go kitla go tlhola go nna ope mo go lona yo o tla tlhabang seane seo mo go Iseraele! Bonang, mewa yotlhe ke ya me; mowa wa rraabana ke wa me jaaka mowa wa morwawe e le wa me; mowa o o leofang ke ona o o tla swang. “Jaanong fa motho a siame, a dira ka tshiamo le ka molao, a sa je ditlhabelo tsa medimo kwa dithabeng, a sa tsholeletse matlho kwa medimong e e maila ya Baiseraele, a sa senye mosadi wa mongwe-ka-ene, a sa kopane le mosadi yo o bonyeng mosese, foo o tla phela; fa motho a sa gatelele ope, a busetsa yo o molato peeletso ya gagwe, a sa thukhuthe ope ka thata, a abela yo o tlala dijo tsa gagwe, a apesa yo o sa ikategang ka kobo, o tla phela; fa a sa adime ka go tsadisa, a sa amogele koketso; fa a tlosa letsogo la gagwe mo tshiamololong, a dirafatsa tshiamo le boammaaruri mo gare ga batho, o tla phela; fa a sepela ka fa ditaolong tsa me, a tshegetsa melao ya me, a dira ka boammaaruri: Ene yoo, o siame; ruri, o tla phela.” Go bua Morena Modimo. “Mme jaanong fa a tsala ngwana wa mosimane yo o setlhogo, yo o tshololang madi, a dira maleo a a boitshegang, le fa ene rraagwe a sa dira sepe sa dilo tseo; fa a bile a ja ditlhabelo tsa medimo kwa dithabeng, a senya mosadi wa mongwe-ka-ene, a o tla phela? Fa a gatelela mmogisegi le mohumanegi, a thukhutha dilo ka thata, a sa buse peeletso, a tsholeletsa matlho kwa medimong e e maila, a dira makgapha, a o tla phela? Fa a adima ka go tsadisa, a amogela koketso, a o tla phela? Nnyaya, ga a ka ke a phela! O dirile makgapha otlhe ao, ruri, o na le go swa. Molato wa go tsholola madi o tla mo wela. “Mme bonang, ene yoo o tsetse ngwana wa mosimane yo o bonang maleo otlhe a rraagwe o a dirileng; jaanong fa a boifa, a sa dire tse di ntseng jalo, a sa je ditlhabelo tsa medimo kwa dithabeng, a sa tsholeletse matlho kwa medimong e e maila ya Baiseraele, a sa senye mosadi wa mongwe-ka-ene, o tla phela; fa a sa gatelele ope, a sa amogele peeletso, a sa thukhuthe sepe ka thata, mme a abela yo o tlala dijo tsa gagwe, a apesa yo o sa ikategang ka kobo; fa a tlosa letsogo la gagwe mo tshiamololong, a sa tsadise madi, a sa amogele koketso; fa a dira ka fa melaong ya me, a sepela ka fa ditaolong tsa me: Ene yoo ga a ka ke a swa ka ntlha ya molato wa ga rraagwe. Nnyaya! Ruri, o tla phela! Mme rraagwe, e re ka a dirile tsa kgatelelo, a thukhutha morwa-rraagwe dilo ka thata, a dira tse di sa siamang mo morafeng wa ga gabo: Ruri, ene o tla swa ka ntlha ya molato wa gagwe! “Jaanong lona lo a re: ‘Ke ka ntlhaang, fa morwa a sa rwale molato wa ga rraagwe?’ Kana morwa o dirile ka tshiamo le ka molao, a tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa me, a dira ka tsona: Ruri, o tla phela! Motho yo o leofang o tla swa. Morwa-motho ga a nke a rwala molato wa ga rraagwe. Rra-motho ga a nke a rwala molato wa ga morwawe. Tshiamo ya mosiami e tla nna serwalo sa gagwe. Boikepo jwa moikepi e tla nna morwalo wa gagwe. “Mme fa moikepi a tlhabologa, a tlogela maleo otlhe a gagwe a o a dirileng, a tshegetsa ditaolo tsa me tsotlhe, a dira ka tshiamo le ka molao: Ruri, foo o tla phela; ga a nke a swa. Ditlolo tsotlhe tsa gagwe tse o di dirileng ga a kitla a di balelwa. O tla phela ka tse di siameng tse o di dirang morago. A nka kgatlhwa ke loso lwa moikepi?” go botsa Morena Modimo. “Nnyaya, se se nkgatlhang ke fa a tlhabologa, a tlogela ditsela tsa gagwe gore a phele. “Mme fa mosiami a ka tlogela tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, a dira makgapha otlhe a moikepi o a dirileng: A o tla phela? Nnyaya, tse di siameng tsotlhe tse o di dirileng, ga di kitla di gopolwa. O tla swa ka ntlha ya boikanyologo jwa gagwe jo o sentseng ka jona le ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo leofileng. “Mme lona lo a re: ‘Tsela ya Morena ga e a siama.’ A ko lo utlwe, lona Baiseraele: A tsela ya me ga e a siama? A ga se ditsela tsa lona tse di sa siamang? Kana fa mosiami a tlogela tshiamo ya gagwe, a dira bokgopo, o tla swa ka ntlha ya moo; o tla swa ka ntlha ya tshiamololo e o e dirileng. Gape fa moikepi a tlhabologa, a tlogela boikepo jwa gagwe jo o bo dirileng, a dira ka tshiamo le ka molao, ene o tla pholosa bophelo jwa gagwe. Fa a ka ikwatlhaya, a sokologa mo ditlolong tsotlhe tsa gagwe tse o di dirileng, ruri, o tla phela; ga a nke a swa. Mme Baiseraele ba re: ‘Tsela ya Morena ga e a siama.’ A tsela ya me ga e a siama, lona Baiseraele? A ga se ditsela tsa lona tse di sa siamang? “Ka moo ke tla atlhola mongwe le mongwe wa lona Baiseraele ka fa tsamaong ya gagwe, go bua Morena Modimo. Tlhabologang tlhe, lo tlogele ditlolo tsotlhe tsa lona gore di se ka tsa lo digela mo tatlhegong. Latlhang ditlolo tsotlhe tsa lona, lo di tlose mo go lona, tse lo nteofetseng ka tsona. Itireleng pelo e ntšhwa le mowa o mošwa! Kana lo ratelang go swa, lona Baiseraele? Gonne ga ke kgatlhwe ke loso lwa yo o swang.” Go bua Morena Modimo. “Ka moo he, tlhabologang! Foo lo tla phela. “Mme wena, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga babusi ba Iseraele o re: “ ‘Kana mmaago e ne e le tau e namagadi mo gare ga ditau; a botha mo gare ga ditawana, a godisa bana ba gagwe. A godisa mongwe wa bana ba gagwe, ya nna tawana; ya ithuta go garola se e se tshwereng, ya ja batho. Ke fa ditšhaba di e tlhabela mokgosi go e tsoma; tsa e tshwara ka gopo ya tsona; tsa e isa kwa lefatsheng la Egepeto e golegilwe. Jaanong ya re mmaayo a bona gore o letetse lefela, mme tsholofelo ya gagwe e nyelela, a tsaya yo mongwe wa bana ba gagwe, a mo dira tawana. Ya itsamaela mo gare ga ditau, ya nna tawana; ya ithuta go garola se e se tshwereng, ya ja batho. Ya senya matlo a borena a bone, ya fetola metse ya bone marope; lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone tsa rerega ka modumo wa yona. Ke fa ditšhaba tse di mo tikologong di e phuthegela go e tsoma, di tswa mo mafatsheng a tsona, tsa e tsharololela letloa la tsona, ya tshwarwa mo gopong ya tsona. Tsa e tsenya mo serobing ka dikgole, tsa e isa kwa kgosing ya Babele, ya ya mo kgolegelong, gore modumo wa yona o se ka wa tlhola o utlwala mo dithabeng tsa Iseraele. E rile o tsalwa, mmaago a tshwana le moweine o o tlhomilweng fa metsing; wa ungwa, wa tlhoga dikala sentle ka ntlha ya metsi a mantsi. Wa tlhoga kala e e tiileng, e e ka nnang tsamma ya bogosi; ya golela kwa godimo mo gare ga dikala; ya itshupa ka bogolo jwa yona le ka dikalana tsa yona. Mme wa kumolwa kgalefong, wa digelwa fa fatshe; phefo ya botlhabatsatsi ya o swabisa; maungo a ona a phamolwa; kala e e tiileng ya ona ya swaba, ya jewa ke molelo. Mme jaanong o tlhomilwe mo sekakeng, mo nageng e e lokgere ya lenyora. Molelo wa tswa mo kaleng ya ona, wa ja dikalana tsa ona le maungo a ona; wa bo o se na kala e e tiileng go ka nna tsamma ya bogosi.’ ” Ke mokgosi wa selelo, wa ba wa nna sefela sa selelo. E rile ka ngwaga wa bosupa ka kgwedi ya botlhano ka letsatsi la lesome ga tla banna bangwe ba bagolo ba Baiseraele go botsa Morena, ba nna fatshe fa pele ga me. Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go nna le re: “Morwa-motho, bua le bagolo ba Baiseraele, o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: A lo tlile go mpotsa? Ka bophelo jwa me! Ke a gana go bodiwa ke lona,’ go bua Morena Modimo. “A o tla ba sekisa? A o tla ba kgalemela, morwa-motho? Ba itsise maleo a borraabo, o ba ree o re: Morena Modimo o bua jaana o a re: E rile ka letsatsi le ke tlhophileng Iseraele ka lone, ka ikanela losika lwa lelapa la ga Jakobe, ka ba ikitsise kwa lefatsheng la Egepeto, ka ba tsholeletsa seatla ka re: Ke nna Morena, Modimo wa lona! Ka ba ikanela ka letsatsi leo go ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto le go ba isa kwa lefatsheng le ke le ba tlhaoletseng, le le elang mašwi le dinotshe, le e leng le lentle go gaisa mafatshe otlhe. Ka ba laela ka re: A mongwe le mongwe wa lona a latlhe maila a a kgatlhang matlho a gagwe! Lo se ka lwa itlatsa maswe ka medimo e e makgapha ya Baegepeto. Modimo wa lona ke nna Morena. Mme ba nkganetsa, ba gana go nkutlwa; go ne go se na ope yo o latlhang maila a a kgatlhang matlho a gagwe, le e seng go tlogela medimo e e maila ya Baegepeto. Ka ba ka re: Ke tla goromeletsa kgakalo ya me mo go bone, ke dirafatsa bogale jwa me mo go bone mo lefatsheng la Egepeto. Mme ka se ka ka dira jalo ka ntlha ya leina la me gore le se ka la nyatsega mo matlhong a ditšhaba tse ba neng ba le mo gare ga tsona, tse ke ba ikitsisitseng fa pele ga tsona ka go ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto. “ ‘Ka ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto, ka ba isa kwa sekakeng. Ka ba neela ditaolo tsa me, ka ba itsise ditshiamo tsa me tse motho a tshwanetseng go di dira gore a phele ka tsona. Le gona ka ba naya boSabata ba me gore e nne sesupo fa gare ga me le bone, gore ba itse fa e le nna Morena yo ke ba itshepisang. Mme Baiseraele ba nkganetsa mo sekakeng; ba ne ba sa sepele ka fa ditaolong tsa me, ba nyatsa ditshiamo tsa me tse motho a tshwanetseng go di dira gore a phele ka tsona; le boSabata ba me ba di itshepolola thata. Ka ba ka re: Ke tla goromeletsa bogale jwa me mo go bone mo sekakeng go ba nyeletsa. Mme ka se ka ka dira jalo ka ntlha ya leina la me gore le se ka la nyatsega fa pele ga ditšhaba tse ke ba hudusitseng mo matlhong a tsone. Le gona ka ba tsholeletsa seatla mo sekakeng gore ke se ba ise kwa lefatsheng le ke le ba neileng, le le elang mašwi le dinotshe, le e leng le lentle go gaisa mafatshe aotlhe. Ke ka gore ba ne ba nyatsa ditshiamo tsa me, ba sa sepele ka fa ditaolong tsa me, ba itshepolola boSabata ba me. Gonne dipelo tsa bone di ne di sala medimo e e maila ya bone morago. “ ‘Mme matlho a me a ba rekegela; ka se ka ka ba senya le e seng go ba fedisa mo sekakeng. Ka laela bana ba bone mo sekakeng ka re: Lo se ka lwa sepela ka fa tlwaelong ya borraeno, le e seng go tshegetsa mekgwa ya bone; se itlatseng maswe ka medimo e e maila ya bone! Ke nna Morena, Modimo wa lona. Sepelang ka fa ditaolong tsa me, lo tshegetse ditshiamo tsa me; di diriseng. Itshepiseng boSabata ba me gore e nne sesupo fa gare ga me le lona, gore lo itse fa ke le Morena, Modimo wa lona. “ ‘Mme bana ba nkganetsa, ba sa sepele ka fa ditaolong tsa me, ba sa tshegetse ditshiamo tsa me gore ba di dirafatse tse motho a tshwanetseng go di dirisa gore a phele ka tsona. Ba itshepolola boSabata ba me. Ka ba ka re: Ke tla goromeletsa kgalefo ya me mo go bone gore ke dirafatse bogale jwa me mo go bone mo sekakeng. Mme ka busa letsogo, ka se ka ka dira jalo ka ntlha ya leina la me gore le se ka la nyatsega mo matlhong a ditšhaba tse ke ba hudusitseng mo matlhong a tsona. Fela ka ba tsholeletsa letsogo mo sekakeng, ka ikana ka re, ke tla ba falaletsa kwa ditšhabeng, ke ba phatlalaletsa kwa mafatsheng. Ka gonne ba ne ba sa dire ka fa melaong ya me, ba nyatsa ditaolo tsa me, ba itshepolola boSabata ba me; matlho a bone a latela medimo e e maila ya borraabo. “ ‘Ka moo le nna ka ba neela ditaolo tse di seng molemo, le melao e ba sa ka keng ba phela ka yona. Ka ba lesa go itshekologa ka ditshupelo tsa bone, fa ba fisa bana botlhe ba ba tsetsweng pele, gore ke tle ke ba rere, ba tle ba itse gore ke nna Morena.’ “Ka moo wena morwa-motho, bua le Baiseraele, ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: E bile borraeno ba ntshotlile ka go senya boikanyo le go ikepa mo go nna. E rile ke sena go ba fitlhisa mo lefatsheng le ke le ba ikanetseng go le ba naya, ba leba mmoto mongwe le mongwe o o godileng le setlhare sengwe le sengwe se se tletseng matlhare, ba tlhaba ditlhabelo tsa bone teng, ba ntsha ditshupelo tsa bone teng tse di nthumolang; ba fisa maswalo teng a a nkgang monate, ba tshela ditshupelo tsa dino teng. Ka ba botsa ka re: Thota ele kwa lo a tleng lo ye teng ke ya eng?’ ” Leina la yona e sa ntse e le “Thota ya tlhabelo” go fitlhelela kajeno. “Ka moo he, raya Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o botsa jaana o a re: A lo ikgotlela ka mekgwa ya borraeno? A lo akafala ka go latela maila a medimo ya bone? Kana lo ikgotlela ka go isetsa medimo yotlhe e e maila ya lona ditshupelo, le ka go e fisetsa bana ba lona ka molelo go fitlhelela kajeno. Jaanong a nka bodiwa ke lona, lona Baiseraele? Ka bophelo jwa me! Ga nka ke ka dumela go bodiwa ke lona!’ Go bua Morena Modimo. ‘Mme tse lo di akantseng mo moweng ga di ka ke tsa dirafala ka gope, fa lo re: A re etseng baheitane le merafe ya mafatshe, ka go rapela dikota le mafika!’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Ka bophelo jwa me! Ke tla lo laola ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng le ka kgakalo e e goromeditsweng. Ke tla lo ntsha mo merafeng, ke lo phutha mo mafatsheng kwa lo falaleditsweng teng, ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng le ka kgakalo e e goromeditsweng. Ke tla lo isa kwa sekakeng sa merafe, ke seka le lona teng, re lebaganye ka difatlhego. Ke tla lo sekisa jaaka nkile ka seka le borraeno mo sekakeng sa lefatshe la Egepeto.’ Go bua Morena Modimo. “ ‘Ke tla lo okamisa thupa, ke lo bofa ka melao ya kgolagano. Ba e leng dirukhutlhi, ba ba ikepileng mo go nna, ke tla ba tlhaola mo go lona, ke ba ntsha mo lefatsheng la boeng jwa bone, mme ga ba ka ke ba fitlha kwa nageng ya Iseraele. Foo lo tla itse gore Morena ke nna.’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Lona Baiseraele, lo ka nna lo a tsamaya gore mongwe le mongwe a direle medimo e e maila ya gagwe. Mme morago lo tla nkutlwa tota, lo sa tlhole lo ka itshepolola leina le le boitshepo la me ka ditshupelo tsa lona le ka medimo e e maila ya lona.’ Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Baiseraele botlhe fela ba tla ntirela mo thabeng e e boitshepo ya me, mo thabeng e e kwa godimo ya Iseraele; teng mo lefatsheng lele ke tla kgatlhwa ke bone. Makgetho a lona le dineo tsa lona tsa letlhafula le ditshupelo tsotlhe tsa lona ke tla di batla teng. Ke tla lo itumelela jaaka lonko lo lo monate, mogang ke lo ntshang mo merafeng, ke lo phutha mo mafatsheng a lo falaleditsweng kwa go ona; ke tla itshupa mo go lona ke le Moitshepi mo matlhong a ditšhaba. Foo lo tla itse gore ke nna Morena, mogang ke lo isang kwa nageng ya Iseraele, kwa lefatsheng le ke ikanetseng borraeno go le ba naya. Teng kwa lo tla gopola ditsela tsa lona le ditiro tsa lona tsotlhe tse lo itshekologileng ka tsona; lo tla inyatsa ka losi ka ntlha ya masula aotlhe a lo a dirileng. Foo lo tla itse fa ke le Morena, motlhang ke lo direlang jalo ka ntlha ya leina la me, e seng se se tshwanetseng ditsela tse di bosula tsa lona le ditiro tse di senyegileng tsa lona, lona Baiseraele.’ Morena Modimo o buile jalo.” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa borwa, o rerele borwa, o bolelele pele ka ga sekgwa sa naga ya teng. Raya sekgwa sa borwa o re: ‘Utlwa Lefoko la Morena! Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla tshuba molelo mo go wena o o tla fisang ditlhare tsotlhe mo go wena tse di metsi le tse di omeletseng. Kgabo e e tukang ga e nke e tima; difatlhego tsotlhe di tla šwa ka yona go tswa kwa borwa go ya kwa bokone. Foo batho botlhe ba tla lemoga, fa e le nna Morena ke o tshubileng; ga o nke o tima.’ ” Ka fetola ka re: “Ao, Morena Modimo! Ba bua ka ga me ba re: ‘Ene yo a ga a bue fela tse di sa utlwaleng?’ ” Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go nna le re: “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa Jerusalema, o rerele Felo-fa-go-Boitshepo, o bolelele pele ka ga naga ya Iseraele. Raya naga ya Iseraele o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bona, ke tla lwa nao, ke somola tšhaka ya me mo kgatleng ya yona, ke nyeletsa basiami le baikepi mo go wena. Jaanong e re ka ke rata go nyeletsa basiami le baikepi mo go wena, tšhaka ya me e tla somoga mo kgatleng ya yona go bolaya batho botlhe go tswa kwa borwa go ya kwa bokone. Batho botlhe ba tla lemoga fa e le nna Morena ke somotseng tšhaka ya me mo kgatleng ya yona; ga e nke e tlhola e somelwa.’ “Mme wena morwa-motho, fegelwa! Fegelwa fa pele ga matlho a bone o obegile letheka ka bogalaka. Jaanong morwa motho, fa ba go botsa ba re: ‘Ke ka ntlhaang, fa o fegelwa jalo?’ o ba ree o re: ‘Ke ka ntlha ya kitsiso.’ Fa go dirafala, go tla tlhoboga dipelo tsotlhe, go repa mabogo otlhe, go solofologa mewa yotlhe, go koafala mangole otlhe jaaka metsi. Bonang, go e tla, go a dirafala, go bua Morena Modimo.” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, rera o re: ‘Morena o bua jaana a re: “ ‘Tšhaka, tšhaka e looditswe, e bile e gotlhilwe! E looditswe gore e bolae thata; e gotlhilwe gore e phatsime jaaka tladi. Re ka itumela jang? Morwaaka, o nyaditse thupa le kgakololo nngwe le nngwe. A e neela go gotlhiwa le go tshwarwa ka seatla; tšhaka e looditswe, e gotlhilwe gore e neelwe mo seatleng sa mmolai. Goa, o bokolele, wena morwa-motho, gonne e tla bolaya morafe wa me le dikgosana tsotlhe tsa Iseraele; di neetswe mo tšhakeng mmogo le morafe wa me. Ka moo o itshware seledu. Gonne teko e teng. E ka tlhokafala jang, ka o nyaditse thupa?’ ” go botsa Morena Modimo. “Wena morwa-motho, rera o ope diatla: Tšhaka e tla tla gabedi gongwe gararo; ke tšhaka ya baheitane, ke tšhaka ya moheitane yo mogolo e e ba dikanyetsang gore dipelo di tlhoboge, mme babolawi e nne ba bantsi mo dikgorong tsotlhe tsa bone. Ke rometse polao ya tšhaka. Ijoo! E dirilwe jaaka tladi; e looditswe gore e bolae. Wena tšhaka, rema mo ntlheng ya le le jang, ò tlhasele, ò be ò reme mo ntlheng ya la molema, kwa bogale jwa gago bo laetsweng teng. Le nna ke tla opa diatla, ke kgorisa kgalefo ya me. Nna Morena ke bua jalo.” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Wena morwa-motho, thala ditsela di le pedi tse di tswang mo lefatsheng le le lengwe ka bobedi jwa tsona gore tšhaka ya kgosi ya Babele e tle ka tsona. Le gona tlhoma mosupa-tsela, fa ditsela di kgaoganang teng, o o supang metse kwa di yang teng, gore tšhaka e ye kwa Raba wa Baamone le kwa Juta, kwa Jerusalema yo o femetsweng. Gonne kgosi ya Babele e eme kwa makgaoganong a ditsela, fa ditsela tse pedi di simologang teng go batla lesedi ka boitseanape. E kgotlokgotsa metsu, e botsa ditaola, e laola ka sebete sa setlhabelo. Jaanong e tshwere tengwa ka seatla se se jang e e supileng Jerusalema gore batlhabani ba atlhame go tlhaba mokgosi, ba tlhatlose mantswe go biletsa tlhabanong, ba emise dithula-lobota go tlhasela dikgoro, ba kgobokanyetse mmu fa loboteng, ba age dikago tsa tlhaselo. Mme ba Jerusalema ba ba ikanang maikano, ba tloge ba a senye, ba tla re: ‘Ke tengwa e e maaka.’ Fela Modimo o gopola molato wa bone gore ba tle ba tshwarwe. Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Lo tla tshwarwa, ka lo gopolwa; lo nkgopotsa molato wa lona ka maleo a lona a a bonalang, mme dibe tsa lona di bonwa mo ditirong tsotlhe tsa lona. “ ‘Wena kgosi ya Iseraele, yo o leng moikepi le mosenyi, letsatsi la gago la petso ya bofelo le tlile. Morena Modimo o bua jaana o a re: Tlosa tlhoro ya borena, rola serwalo sa bogosi. Tseo ga se tsa sepe. A go godisiwe tse di kwa tlase! A go kokobediwe tse di godileng! Motse ke tla o fetola dithotobolo fela. A tatlhego ya ona wee! O tla nna jalo go fitlhelela go tle ene yo o nang le tshwanelo, yo ke tla o mo neelang.’ “Wena morwa-motho, rera o re: ‘Morena Modimo o bua jaana ka ga Baamone le go kgoba ga bone! O re: “ ‘Tšhaka e somotswe, tšhaka e gotlhetswe polao gore e phatsime jaaka tladi. “ ‘Baitseanape ba lo bonela pono ya tsietso, ba lo dupela maaka – e le go e baya mo melaleng ya baikepi ba e leng baheitane; letsatsi la bone la petso ya bofelo le tlile. “ ‘Wena Amone, somela tšhaka mo kgatleng ya yona. Ke tla go atlhola mo felong fa o tlhodilweng teng mo lefatsheng la tlhago ya gago. Ke tla goromeletsa kgalefo ya me mo go wena; ke go budulela molelo wa bogale jwa me; ke go neela mo diatleng tsa banna ba ba setlhogo, ba e leng bagale ba go senya. O tla nna dijo tsa molelo. Madi a gago a tla tshololelwa mo lefatsheng. Ga o kitla o gopolwa, gonne nna Morena ke buile jalo.’ ” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Wena morwa-motho, a o tla sekisa, a o tla atlhola motse o o tsholotseng madi? O bolelela maleo otlhe a ona o re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: A tatlhego ya motse wee, o nako ya ona e tlang, ka o tsholola madi mo gare ga ona, le ka o itiretse medimo e e maila go oketsa molato le go itshekologa. O ithwesitse molato ka madi a o a tsholotseng; o itshekologile ka medimo e e maila e o e dirileng. O atameditse malatsi a gago, ga fitlha dinyaga tsa gago tsa petso. Ke ka moo ke go dirang monyatsegi mo ditšhabeng le mosotlegi mo mafatsheng aotlhe. Merafe e e gaufi nao le e e kgakala nao e tla go sotla, wena yo o leina le maswe, yo o tletseng pheretlhego. Bonang, dikgosana tsa Iseraele tse di mo go wena, nngwe le nngwe e ikgantsha ka letsogo la yona, gore di tsholole madi. Rra-motho le mma-motho ba nyatsega kwa ga eno. Moeng o a gatelelwa koo. Lesiela le motlholagadi ba patikwa mo go wena. Tse di boitshepo tsa me o di nyaditse; boSabata ba me o di itshepolotse. Go na le banna mo go wena ba ba tshololang madi ka go pateletsa batho; ba ga eno ba ja ditlhabelo kwa dithabeng, ba dirile boaka mo gare ga gago. Ba bipolotse bosaikatega jwa rra-motho mo go wena. Ba nna le mosadi yo o itshekologileng ka mosese mo go wena. Kwa ga eno mongwe o dira tse di maila le mosadi wa mongwe-ka-ene; yo mongwe o tlatsa ngwetsi wa gagwe maswe ka boaka; yo mongwe o senya kgaitsadie, e leng morwadia-rraagwe. Kwa ga eno ba amogela thelesetso gore ba tsholole madi; o tsadisa madi, o amogela koketso; o gatelela mongwe-ka-wena ka kgwebo ya tshiamololo, mme nna o ntebetse.’ Go bua Morena Modimo. “ ‘Bona, ke tsholeditse letsogo ka ntlha ya kgwebo ya tshiamololo e o e dirileng, le ka ntlha ya molato wa madi o o mo go wena. A pelo ya gago e tla itshoka, a diatla tsa gago di tla nna thata ka malatsi a ke tla go betsang ka ona? Nna Morena ke buile jalo, le gona ke tla dirafatsa. Ke tla go falaletsa kwa ditšhabeng, ke go phatlalaletsa kwa mafatsheng gore ke khutlise ditiro tse di maswe tsa gago, ke di tlose mo go wena. O tla bo o itshepolotswe ka molato wa gago mo matlhong a ditšhaba; o tla itse gore ke nna Morena.’ ” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, Baiseraele ba mphetogetse manyela; bone botlhe ke kgotlho le thini le tshipi le lota tse di mo leisong la moubo, ke manyela a selefera.” Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: “Bonang, e re ka lo fetogile manyela lotlhe, ke tla lo kgobokanyetsa mo teng ga Jerusalema. Ke tla lo kgobokanya, ke lo tsenya mo molelong wa bogale jwa me, wa kgalefo ya me, ke lo gakolosa, jaaka go tsenngwa selefera le kgotlho le tshipi le llota le thini mo leisong le le gakolosang, gore go ubelwe molelo mo go tsona, di tlhaolosiwe. Ke tla lo kgobokanya, ke lo budulela molelo wa bogale jwa me, ke lo gakolosa mo go ona. Lo tla tlhaolosiwa mo motseng jaaka go tlhaolosiwa selefera mo leisong la moubo, lo tle lo itse gore nna Morena ke lo goromeleditse bogale jwa me.” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, raya lefatshe la Juta ò re: ‘O lefatshe le le sa tlhatswiwang; ga ò a nelwa ke pula ka letsatsi la bogale. Go na le borukhutlhi jwa barena mo go lone: Ba ja maphelo a batho, ba thukhutha mahumo le tse di tlhwatlhwa-kgolo, ba ntsifatsa batlholagadi mo go lone jaaka tau e e dumang, fa e garola phologolo. Baperesiti ba teng ba fetotse molao wa me ka thata, ba itshepolola tse di boitshepo tsa me, ba sa farologanye tse di boitshepo le tse di seng boitshepo, ba sa rute pharologanyo ya tse di sa itshekang le tse di itshekileng, ba budulalela boSabata ba me. Mme ke nyatsegile jalo mo go bone. Dikgosana tsa teng di mo gare ga lone jaaka diphiri tse di garolang phologolo gore di tsholole madi, di bolae batho gore di bone khumo ka kgwebo ya tshiamololo. Baporofeti ba teng ba ba taka ka motako wa maaka ka go bona dipono tsa tsietso le ka go ba bolelela boitseanape jwa maaka. Ba bua ba re: “Morena Modimo o bua jaana le jaana,” mme Morena a sa re jalo. Le ba e leng batho fela ba lefatshe ba a gatelela, ba thukhutha dilo; ba patika mmogisegi le mohumanegi; ba gatelela moeng go se na tshiamo. Ke batlile monna mo go bone yo o ka agang lobota le go emela lefatshe mo phatlheng ya lobota fa pele ga me gore ke se ka ka le senya, ka mo tlhoka. Ka moo ka goromeletsa bogale jwa me mo go bone, ka ba nyeletsa ka molelo wa kgalefo ya me; ka ba beletsa tsamao ya bone.’ ” Morena Modimo o buile jalo. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, go ne go le basadi ba le babedi, e le bomorwadia mmaabo a le mongwe. Ba kile ba akafala kwa Egepeto, ba dira boaka ba sa le bašwa; mabele a bone a fopholwa teng; ba apaapiwa mebele ya bone ya bokgarebe gona. Leina la yo mogolo e ne e le Ohola, la ga monnawe e le Ohodiba. Ba nna ba me, ba belega bomorwa le bomorwadi. Ohola ke leina la Samaria. Ohodiba ke leina la Jerusalema. Mme Ohola a akafala a ntse a le mo taolong ya me, a tukela barati ba gagwe ka lorato, e bong Baasiria ba e leng bagale, ba ba neng ba apere bobududu jo bontle, e le balaodi le dikgosana; botlhe e le makau a a rategang, e le bapalami ba dipitse. A ineela mo go bone, a dira boaka le Baasiria botlhe ba ba tlhophilweng; mme mo go botlhe ba a ba eletsang, a ikgotlela ka medimo yotlhe e e maila ya bone. Le gona ga a ka a tlogela go akafala ga gagwe le Baegepeto, gonne ba ne ba mo sentse a sa le mošwa; ba apaapa mmele wa gagwe wa bokgarebe, ba goromeletsa boaka jwa bone mo go ene. Ka moo ka mo neela mo diatleng tsa barati ba gagwe, mo diatleng tsa Baasiria ba o neng a ba tukela ka lorato. Bone ba bipolola bosaikatega jwa gagwe, ba tlosa bomorwawe le bomorwadie, ene ba mmolaya ka tšhaka, a fetoga theregiso mo basading; ba dirafatsa katlholo jalo mo go ene ka petso. “Jaanong le fa monnawe Ohodiba a bona tseo, ene a mo feta ka go tuka keletsong ya gagwe. Boaka jwa gagwe bo ne bo feta boaka jwa ga mogolowe. A tukela Baasiria ka lorato, e bong balaodi le dikgosana le bagale ba ba apereng bontle, le bapalami ba dipitse, botlhe e le makau a a rategang. Ka mmona a ikgotlela le ene. Ba ne ba tshwana fela ka bobedi jwa bone. “Mme Ohodiba a tswelela pele ka boaka jwa gagwe: A bona banna ba tshwantshitswe mo loboteng, e le ditshwantsho tsa Bakalatea, di dirilwe ka letsoku; ba tlamilwe letheka ka moitlamo, ba rwele dikola tse di lepeletseng mo ditlhogong tsa bone; ba lebega botlhe jaaka balaodi, e le ditshwantsho tsa ba Babele ba ba tsaletsweng mo lefatsheng la Kalatea. Jaanong ya re a ba bona, a ba tukela ka keletso, a roma barongwi kwa go bone kwa Kalatea. Ke fa ba Babele ba tla kwa go ene mo marobalong a go ratana, ba mo kgotlela ka boaka jwa bone; mme ya re a sena go kgotlelwa ke bone, a tenwa ke bone. Ya re a sena go bonatsa boaka jwa gagwe le go bipolola bosaikatega jwa gagwe, a ntena jaaka mogolowe a ntenne. Mme ene a totisa boaka jwa gagwe ka go gakologelwa malatsi a bokgarebe jwa gagwe, fa a akafala kwa lefatsheng la Egepeto. A tukela barati ba gagwe ka keletso, ba nama ya bone e leng nama ya diesele, ba madi a bone e leng madi a dipitse. Wena Ohodiba, o ne o tlhologelelwa boaka jwa bokgarebe jwa gago jale fa Baegepeto ba apaapa mmele wa gago ka ntlha ya mabele a bokgarebe jwa gago. “Wena Ohodiba, ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Bona, ke tla tlhotlheletsa barati ba gago gore ba go galefele, bone bao ba ba go tenneng; ke tla ba tlisa kwa go wena ba tswa mo ntlheng tsotlhe; e leng ba Babele le Bakalatea botlhe ba kwa Phekote le kwa Šoa le kwa Kgoa; Baasiria botlhe ba na nabo, e le makau a a rategang; botlhe e le balaodi le dikgosana le baeteledipele le batlotlegi le bapalami ba dipitse. Ba tla tla, ba go tlhasela ba na le bontsi jwa dikoloi le jwa maotwana le masomo a merafe; ba tla go lwantsha mo ntlheng tsotlhe ba na le thebe le thejana le kuana ya tlhabano. Kgang e e sekwang ke tla e baya fa pele ga bone, gore ba go atlhole ka fa melaong ya bone. Ke tla lwa nao ka lefufa la me; ba tla go direla ka kgakalo, ba go kgaola dinko le ditsebe. Masalela a gago a tla wa ka tšhaka. Ba tla tlosa bomorwao le bomorwadio. Masalela a gago a tla fisiwa ka molelo. Ba tla go apola diaparo, ba go amoga mekgabo. Tsamao ya gago e e tlhabisang ditlhong le boaka jwa gago tse di tswang kwa lefatsheng la Egepeto ke tla di khutlisa, ke di tlosa mo go wena. Ga o nke o tlhola o gopola Baegepeto le e seng go ba tsholeletsa matlho.’ “Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bona, ke tla go neela mo diatleng tsa ba ò ba tlhoileng, mo diatleng tsa ba ba go tenneng. Ba tla go direla ka letlhoo, ba thopa tsotlhe tse o di itiretseng, ba go tlogela ò sa ikatega, ò sa apara sepe. Ditlhong tsa boaka jwa gago di tla senolwa. Kgokafalo ya gago le boaka jwa gago di go diretse tseo; gonne ò setse baheitane morago ka go akafala nabo, wa ikgotlela ka medimo e e maila ya bone. O tsamaile mo tseleng ya ga mogoloo; ka moo ke tla go nosa senwelo se ke se mo nositseng.’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘O tshwanetse go nwa senwelo sa ga mogoloo se se boteng, se se atlhameng, se se tletseng tse dintsi – ò tla tshegwa, ò sotlwa. O tla tlala botagwa le selelo. Senwelo sa ga mogoloo Samaria ke senwelo sa theregiso se se boitshegang. “ ‘O tla se nwa, ò se minolosa, ò phura dipeana tsa sona, ò ikgagola mabele. “ ‘Gonne ke buile jalo.’ Go bua Morena Modimo. “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: E re ka ò ntebetse, wa nkhularela, le wena o tla rwala petso ya bolotsana jwa gago le ya boaka jwa gago.” Morena a mpotsa a re: “Morwa-motho, a ò tla atlhola Ohola le Ohodiba? Ba itsise he maleo a bone! Gonne ba sentse nyalo, madi a mo diatleng tsa bone. Ba sentse nyalo ka medimo e e maila ya bone, ba e fiseditse bana ba ba ba ntsaletseng, ba ba dira dijo tsa yona. E bile ba nteofetse ka tse dingwe: Ba itshekolotse Felo-fa-go-Boitshepo ga me ka letsatsi la teng ba itshepolola boSabata ba me. E ne e a tle e re fa ba sena go tlhabela medimo e e maila ya bone bana ba bone, ba fete ba tsene mo Felong-fa-go-Boitshepo ga me ka letsatsi lone leo go go itshepolola. Bonang, ba dirile jalo mo Ntlong ya me. “Le gona ba romile kwa banneng ba ba tswang kwa kgakala; fa morongwi a sena go rongwa kwa go bone, ba tla. Jaanong wena wa tlhapa, wa iphotla sefatlhego, wa apara tsa mekgabo ka ntlha ya bone. Wa nna mo bolaong jo bontle, lobati lwa bojelo lo lo baakantsweng lo le fa pele ga gago. Maswalo a me le lookwane lwa me o ne o di beile mo go lone. Ga utlwala tlhodio ya ba ba tlhapetsweng mo go ene Ohodiba. Matagwa a a tswang kwa nageng a tlisiwa kwa banneng ba ba tswang mo bontsing jwa batho. Banna bao ba rwesa basadi mefitshana mo mabogong le dirwalo tse di galalelang mo ditlhogong. Nna ka re, a ba tla dira boaka le ene yo o tswapotsweng ka go senya nyalo, le ene nabo? Mme ba tsena mo go ene, jaaka go tsenwa kwa mosading wa seaka; ba kopana jalo le Ohola le Ohodiba go dira tse di tlhabisang ditlhong. Mme banna ba ba siameng ba tla ba atlhola jaaka go tshwanetse basadi ba ba sentseng nyalo, le jaaka go tshwanetse basadi ba ba tsholotseng madi. Ka gonne ba sentse nyalo; e bile madi a mo diatleng tsa bone.” Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: “A ba epelwe pitso ya merafe gore ba direlwe ka setlhogo, ba thukhuthwe dilo. Ba pitso ba tla ba kgobotletsa ka majwe, ba ba remaganya ka ditšhaka tsa bone, ba bolaya bomorwaa-bone le bomorwadia-bone, ba fisa matlo a bone ka molelo. Tiro tse di tlhabisang ditlhong ke tla di khutlisa jalo mo lefatsheng gore basadi botlhe ba boifisiwe gore ba se ka ba dira boaka jaaka bone. Ke tla lo beletsa ditiro tse di tlhabisang ditlhong tsa lona; lo tla rwala maleo a go leofa ka medimo e e maila ya lona gore lo tle lo itse, fa e le nna Morena Modimo.” Ka ngwaga wa robongwe ka kgwedi ya lesome ka letsatsi la lesome Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, ikwalele leina la letsatsi, la letsatsi lone le la kajeno. Kgosi ya Babele e tlhasetse Jerusalema ka letsatsi lone le. Mme ba losika lwa dirukhutlhi ò ba bolelele setshwantsho, ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: “ ‘Tlhatlega pitsa, e tlhatlege; ò be ò e tlhadie. Tsenya dinama mo go yona; dinama tsotlhe tse di bonolo tsa dirope le tsa mabogo; e tlatse marapo a a tlhophilweng. Tsaya nku e e tlhaotsweng ya letsomane, o tshube dikgong fa tlase ga pitsa. Apaya dinama tsa yona mmogo le marapo.’ ” Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: “A tatlhego wee ya motse wa go tsholola madi, ya pitsa e marale a leng mo go yona, e marale a sa tlogeng mo go yona. Ntsha dinama, nngwe ka nngwe fela. Ga di tlhamelwe tengwa. Gonne madi a motse a sa le mo go ona; o a tshololetse mo lefikeng le le borethe; ga o a a tshololela fa fatshe, go a tshelela ka mmu. Madi a o a tsholotseng ke a beile mo lefikeng le le borethe gore a se ka a bipega, mme a tsose bogale jwa me, a dirafatse pusoloso.” Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: “A tatlhego wee ya motse wa go tsholola madi. Le nna ke tla kgobokanya mokoa wa dikgong. Tlisa dikgong tse dintsi, o gotse molelo; budusa nama, o kgadise moro gore marapo a šwe. Jaanong tlhatlega pitsa mo magaleng a teng, e se na sepe, gore e nne bolelo, kgotlho ya yona e butswe, ditshila tse di mo go yona di gakologe, morodu o nyelele. Mme matsapa aotlhe ke lefela: Morodu o montsi wa yona ga o tlosiwe ka molelo. Morodu wa yona o a pala. E re ka ò ikgotletse ka tiro e e tlhabisang ditlhong, le ka ke go tlhapisitse, mme wa se ka wa itsheka, ka moo ga o kitla ò tlhola ò itsheka go fitlhelela ke dirafatse bogale jwa me mo go wena. Nna Morena ke buile jalo. Go e tla, ke tla dira jalo, ke sa tlhokomologe sepe, ke sa tlhomoge pelo, ke sa utlwele sepe botlhoko. Ke tla go atlhola ka fa ditirong tsa gago.” Morena Modimo o a re jalo. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, bona, ke tla tlosa mosadi yo o kgatlhang matlho a gago ka loso lwa tshoganyetso. Mme ò se hutsafale, ò se lele, ò se tsholole dikeledi; ò fegelwe ka tidimalo; ò se ka wa direla moswi wa gago khutsafalelo. Rwala kuane, ò be ò rwale ditlhako mo dinaong. Se ipipe ditedu. Se je bogobe jwa mogoga.” Ka tsoga ka bua le morafe mo mosong, mme mantsiboana mosadi wa me a swa. Jaanong ka moso ka dira jaaka ke laetswe. Ke fa batho ba mpotsa ba re: “A ga ò ka ke wa re bolelela gore tseo di re kaela eng, fa ò dira jalo?” Ka ba raya ka re: “Lefoko la Morena le tsile kwa go nna la re: Bolelela Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke tla itshepolola Felo-fa-go-Boitshepo ga me, fa e leng boikgantsho jwa thata ya lona le kgatlhego ya matlho a lona le tlhologelelo ya dipelo tsa lona. Mme bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba lo ba tlogetseng ba tla wa ka tšhaka. Jaanong lo tla dira jaaka ke dirile: Ga lo nke lo ipipa ditedu, le e seng go ja bogobe jwa mogoga. Lo tla bo lo rwele dikuane mo ditlhogong le ditlhako mo dinaong, lo sa hutsafale, lo sa lele, mme lo tla tlhorega ka maleo a lona, mongwe le mongwe a hutsafalela mo go yo mongwe. Hesekiele o tla nna sekao mo go lona; mogang go dirafalang, lo tla dira fela jaaka a dirile. Foo lo tla itse gore ke nna Morena Modimo.’ “Mme wena morwa-motho, ruri, e tla re ka letsatsi le ke tlosang phemelo mo go bone le mokgabo o ba o itumelelang le kgatlhego ya matlho a bone le tlhologelelo ya dipelo tsa bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone; ka letsatsi leo mofalodi o tla tla kwa go wena go di go begela. Ka letsatsi leo ò tla bofologa loleme, ò bua le mofalodi, ò sa tlhole ò didimala; ò tla nna sekao mo go bone. Ba tla itse gore ke nna Morena.” Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa go Baamone, ò bolele dikotlo tsa bone tse di tla tlang. O ree Baamone ò re: ‘Utlwang Lefoko la Morena Modimo! Morena Modimo o bua jaana o a re: E re ka lo kuile lwa re: Ahee! ka ga Felo-fa-go-Boitshepo ga me fa go itshepololwa, le ka ga lefatshe la Iseraele fa le fetolwa sekaka, le ka ga Bajuta fa ba ya mo botshwarong: Ka moo, bonang, ke tla lo neela ba botlhabatsatsi gore ba lo rue, ba tlhome mathibelelo a bone mo go lona, ba age meago ya bone mo go lona; bone ba tla ja maungo a lona, ba nwa mašwi a lona. Ke tla fetola Raba mafulo a dikammele le metse ya Baamone mabotho a matsomane, gore lo itse, fa ke le Morena.’ ” Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka lo opile diatla, lwa tiba ka dinao, lwa tshega lefatshe la Iseraele ka nyatso yotlhe ya dipelo tsa lona: Ka moo, bonang, ke tla lo tsholeletsa letsogo, ke laolela ditšhaba gore di lo thope; ke tla lo tlosa mo merafeng, ke lo nyeletsa mo mafatsheng, ke lo fedisa gore lo itse fa ke le Morena.” Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka Bamoabe le ba kwa Seire ba bua ba re: ‘Bonang, Bajuta ba tshwana le baheitane botlhe!’ ka moo, bonang, ke tla tlosa metse e e mo mefapheng ya dithaba tsa Bamoabe, metse yotlhe ya bone e lefatshe le kgabileng ka yona, e bong Bethe-Ješimothe le Baale-Meone le Khiriathaime. Lefatshe la Bamoabe ke tla le neela ba botlhabatsatsi mmogo le la Baamone gore ba le rue, mme le lebalwe mo merafeng. Ke tla dirafatsa kotlo mo go Bamoabe gore ba tle ba itse fa ke le Morena.” Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka Baetomo ba dirile tsa go ipusolosetsa mo Bajuteng, ba itsenya mo molatong o mogolo, ba itefetsa mo go bone, ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Ke tla tsholeletsa lefatshe la Etomo letsogo, ke nyeletsa batho le diruiwa mo go lone, ke le fetola sekaka; ba tla wa ka tšhaka go tswa kwa Themane go ya go fitlha kwa Detane. Ke tla dirafatsa pusoloso ya me mo go Baetomo ka diatla tsa Baiseraele, morafe wa me. Bone ba tla direla Baetomo ka fa bogaleng jwa me le ka fa kgakalong ya me gore ba lemoge pusoloso ya me.’ ” Go bua Morena Modimo. Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka Bafelesita ba dirile tsa pusoloso, ba itefetsa ka nyatso ya pelo, e le go senya fela ka letlhoo le le sa khutleng, ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla tsholeletsa Bafelesita letsogo, ke nyeletsa Bakerethi, ke fedisa masalela a a fa losing lwa lewatle. Ke tla ba dirafaletsa dipusoloso tse dikgolo ka dikotlo tse di bogale gore ba tle ba itse fa ke le Morena, mogang ke digelang pusoloso ya me mo go bone.’ ” E rile ka ngwaga wa 11, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, e re ka ba Tiro ba buile ka ga Jerusalema ba re: ‘Ahee! Morekisi yo mogolo mo merafeng o pšhwetlakantswe, jaanong khumo ya yo o sentsweng e tla tla kwa go rona.’ “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Bona, Tiro, ke tla lwa nao, ke bolotsa ditšhaba tse dintsi gore di go huduegele jaaka go tle go huduege dintelo tsa lewatle. Di tla senya dipota tsa Tiro, di diga dikago tse di godimo tsa gagwe. Ke tla feela, ke tlosa mekoa ya ditshenyego tsa gagwe teng, ke go fetola lefika le le feetsweng. E tla nna felo mo lewatleng fa go ngamolwang matloa teng. Gonne ke buile jalo,’ go bua Morena Modimo. ‘E tla nna thopo ya ditšhaba. Mme bomorwadie ba ba ka kwa lefatsheng ba tla bolawa ka tšhaka. Ba tla itse fa ke le Morena.’ “Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla bolotsa Nebukatenesare, kgosi ya Babele, a tswa kwa bokone, gore a tlhasele Tiro. Ke kgosi ya dikgosi, e tla ka dipitse le dikoloi le bapalami le ka bontsi jwa batho. O tla bolaya bomorwadio ba ba ka kwa lefatsheng ka tšhaka; mme wena o tla go tlhasela ka ntwa, a aga dikago tsa batlhodi, a kgobokanya mmu, a itirela leobo la phemelo gore a go tlhasele. O tla thula dipota tsa gago ka sethulalobota, a diga dikago tse di godimo tsa gago ka ditshipi tsa gagwe. Lorole lwa bontsi jwa dipitse tsa gagwe lo tla go khurumetsa. Dipota tsa gago di tla roroma ka loratla lwa bapalami le lwa maotwana le lwa dikoloi, fa a tsena mo dikgorong tsa gago jaaka go tsenwa mo motseng o o phuntsweng. O tla tubaka mekgwatha yotlhe ya gago ka ditlhako tsa dipitse tsa gagwe, a bolaya batho ba gago ka tšhaka, a digela majwe a a motloutlo a o ikgantshang ka ona fa fatshe. Ba tla thopa mahumo a gago, ba thukhutha matlotlo a kgwebo ya gago, ba diga dipota tsa gago, ba thuba matlo a mantle a gago; mme matlapa a gago le ditlhomeso tsa gago le matlakala a gago ba tla di latlhela mo metsing. Ke tla khutlisa kutlwalo ya difela tsa gago; mantswe a diharepa tsa gago ga a nke a tlhola a utlwala. Ke tla go fetola lefika le le se nang sepe; o tla nna felo fa go ngamolwang matloa teng. Ga o nke o tlhola o agiwa gape, gonne nna Morena ke buile jalo.’ ” Go bua Morena Modimo. Morena Modimo o botsa Tiro jaana o a re: “Ditlhakatlhake a ga di kitla di roroma ka loratla lwa go wa ga gago le ka go lela ga ba ba khutlegileng le ka polao ya tšhaka mo gare ga gago? Dikgosi tsotlhe tse di ka fa lewatleng di tla fologa mo ditulong tsa tsona tsa bogosi, di apola dikobo tsa tsona, di apola diaparo tse di marabata tsa tsona, di apara teteselo, di nna fa fatshe, di ntse di roroma, di reregile ka ntlha ya gago. Di tla tlhaba mokgosi wa selelo ka ga gago, di go raya di re: “ ‘Kana o nyeletse jang ne, wena motse o o tumileng, o batsamai ba mawatle ba neng ba nna mo go ona; o o neng o busa mo lewatleng, ona le banni ba ona ba ba fa lewatleng!’ Jaanong ditlhakatlhake di tla roroma ka letsatsi la go wa ga gago; ditlhakatlhake tse di mo lewatleng di tla tshosiwa ke phelelo ya gago.” Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: “E tla re ke go fetola marope a a tshwanang le a metse e go sa nneng ope mo go yona; fa ke go tlhatlosetsa morwalela gore metsi a magolo a go khurumetse: Foo ke tla go folosetsa kwa go ba ba fologelang kwa felong ga baswi kwa morafeng wa kgale, ke go nnisa kwa tlasetlase mo teng ga lefatshe jaaka marope a bogologolo, mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi, gore o se ka wa tlhola o nna le batho, le e seng go tsoga gape mo lefatsheng la baphedi. Ke tla go digela mo tatlhegong ya tshoganyetso gore ò se tlhole ò nna teng. O tla batlwa, mme ga ò no o tlhola o bonwa ka bosakhutleng,” go bua Morena Modimo. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Wena morwa-motho, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga Tiro, o ree Tiro o re: ‘Wena yo o agileng fa magorogelong a mekoro, wena morekisi mo merafeng e mentsi e e mo tikologong ya lewatle, Morena Modimo o bua jaana o a re: “ ‘Wena Tiro o ipoletse wa re, o na le bontle jo bo tletseng. Melelwane ya gago e mo gare ga lewatle; baagi ba gago ba tladitse bontle jwa gago. Ba go diretse dipati tsotlhe tsa gago ka dikgong tsa mesiperese tsa kwa Senire; ba tsaya mesetere kwa Lebanone go dira pinagare ya mokoro mo go wena. Mahuduo a gago ba a dirile ka dikgong tsa eike tsa Basane; thulelo ya gago ba e dira ka dipati tsa mesiperese tse di tswang kwa ditlhakatlhakeng tsa Khithime, di manegilwe dinaka tsa ditlou. Diseile tsa gago e ne e le masela a mantle a a mebalabala a kwa Egepeto, go nna sefoka sa gago. O ne o itiretse leobo ka masela a matala le a mahibidu a a tswang kwa ditlhakatlhakeng tsa Elisa. Banni ba Sitone le ba Arwate e ne e le bahudui ba gago; mme batlhalefi ba gago, Tiro, ba ba neng ba le mo go wena, bone e ne e le balaodi ba gago. Banna bagolo ba Gebale le batlhalefi ba teng ba ne ba le mo go wena, e le ba ba thibang maroba a gago. Balaodi ba mekoro yotlhe ya lewatle ba ne ba tla kwa go wena ka yona go rekisanya nao. “ ‘Ba Peresia le ba Lute le ba Phute ba ne ba le mo mephatong ya gago, e le batlhabani ba gago; ba pega dithebe le dikuane tsa tshipi mo go wena, ba go galaletsa. Ba Arwate le ba mephato ya gago ba ne ba le mo dipoteng tsa gago mo tikologong; ba Gamadi ba le mo dikagong tse di godimo tsa ditlhodi tsa gago. Ba pega dithebe tsa bone mo dipoteng tsa gago mo ntlheng tsotlhe, ba tlatsa bontle jwa gago jalo. “ ‘Ba Tharesise ba ne ba rekisanya nao ka ntlha ya bontsi jwa dithoto tsa gago; ba ntsha selefera la tshipi le thini le llota, ba reka dithoto tsa gago ka tsona. Ba Jafane le ba Thubale le ba Mesege e ne e le barekedi ba gago, ba rekisa batho le dithoto tsa kgotlho, ba reka dithoto tsa gago ka tsona. Ba losika lwa ga Thogarama ba ne ba reka dithoto tsa gago ka dipitse tse di gogang le tse di palangwang le meboulwe. Ba Rotane e ne e le barekedi ba gago. Merafe e mentsi e e mo tikologong ya lewatle ya rekisanya nao, ya go busetsa dinaka tsa ditlou le dikgong tse dintshontsho, e le go lefa tsa gago. Basiria ba ne ba rekisanya nao ka ntlha ya bontsi jwa tse o di direlang thekiso. Ba ntsha majwana a mahibidu le masela a mahibidu le masela a a mebalabala le masela a mantle le mekgabo ya dikorala le majwana a mahibitswana, ba reka dithoto tsa gago ka tsona. Bajuta le ba lefatshe la Iseraele e ne e le barekedi ba gago. Ba ntsha mabele a kwa Minithe le bupe le mafura a dinotshe le lookwane le boroku, ba reka tsa gago ka tsona. Ba Damaseko ba ne ba rekisanya nao ka ntlha ya tse dintsi tse o di dirang le ka ntlha ya bontsi jwa dithoto tsa gago; ba tlisa weine ya kwa Helebone le boboa jo bosweu. Ba Wetane le Jawane ba ne ba ntsha tshipi ya mothudi e e tswang kwa Usale, ba reka tsa gago ka yona. Ditswaiso tsa kasia le kalamuse di ne di rekisiwa mo go wena. Ba Detane ba ne ba rekisanya nao, ba tlisa dikobo tse bapalami ba ipeeletsang ka tsona. Ba Arabia le batlotlegi botlhe ba Ketare e ne e le barekedi ba gago. Tse ba rekileng mo go wena ka tsona e ne e le dikwana le diphelehu le diphoko. Bagwebi ba Šeba le ba Raema ba ne ba rekisanya nao: Ba reka dithoto tsa gago ka makga a mefutafuta a a tlhaotsweng le ka majwana a a tlhokegang a mefutafuta le ka gouta. Ba Harane le ba Kanne le ba Etene le bagwebi ba Seba le ba Asiria le ba Media botlhe ba ne ba rekisanya nao. Mo marekelong a gago ba ne ba reka ka diaparo tse dintlentle le ka masela a mabududu le ka masela a a marabata le ka meseme e e mebalabala le ka megala e e logilweng e e tiileng. Mekoro ya Tharesise e ne e tsamaisa tsa kgwebo ya gago. “ ‘Wa huma jalo, wa tlotlega thata mo lewatleng. Ba ba go tsamaisang ba go isitse kwa metsing a magolo; mme ledimo la botlhabatsatsi le tla go thuba mo lewatleng. Dikhumo tsa gago le tse o di rekisang le dithoto tsa gago le balaodi ba gago le bahudui ba gago le ba ba thibang maroba a gago le ba ba rekang le go rekisa dithoto tsa gago le batlhabani botlhe ba gago ba ba nang nao le batho botlhe ba ba mo go wena: Botlhe ba tla nwela natso mo teng ga lewatle ka letsatsi la tatlhego ya gago. Foo dinaga di tla roroma ka go goa ga batsamaisi ba gago. “ ‘Botlhe ba ba tshwereng mahuduo ba tla tlogela mekoro ya bone; balaodi ba yona le botlhe ba ba e tsamaisang mo lewatleng ba tla ema mo lefatsheng. Ba tla go tlhabela mokgosi, ba goa ka bogalaka, ba itshela lorole mo ditlhogong, ba ipidikanya mo moloreng. Ba tla ipeola ditlhogo ka ntlha ya gago, ba apara dikgetse tsa bohutsana, ba go lelela ka pelo e e botlhoko le ka khutsafalo e e galakang. Mo go leleng ga bone ba tla go tlhabela mokgosi wa go lelela moswi, ba go hutsafalela ba re: Ke mang yo o didimaditsweng mo lewatleng jaaka Tiro? E rile tsa kgwebo ya gago di sa ntse di tla ka tsela ya lewatle, wa kgorisa merafe e mentsi, wa humisa dikgosi tsa lefatshe ka bontsi jwa dithoto tsa gago tse o neng o di rekisa. Mme ya re o thubaganngwa mo lewatleng le mo madibeng a metsi, tsa kgwebo ya gago tsa nwela mmogo le botlhe ba ba neng ba le mo go wena. “ ‘Botlhe ba ba agileng fa dintshing tsa lewatle ba tshogile ka ntlha ya gago; dikgosi tsa bone di reregile gagolo, di tlhontse difatlhego. Bagwebi mo merafeng ba a go otsa; o nyeletse ka tshoganyetso. Ga o kitla o tlhola o nna teng ka bosakhutleng.’ ” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, raya kgosi ya Tiro o re: ‘Morena Modimo o bua jaana wa re: O a ikgantsha mo pelong ò a re, ò modimo, ò ntse mo sedulong sa medimo mo gare ga lewatle. Ga go a nna jalo, ò motho fela, ga ò modimo, le fa ò ikaya modimo. Bona, ò botlhale bogolo go Daniele; ga go na bosaitsiweng bope jo bo go palelang! O itiretse khumo ka botlhale jwa gago le ka tlhaloganyo ya gago; wa phuthela gouta le selefera mo matlwaneng a mahumo a gago! E re ka ò tlhalefetse kgwebo thata, ò godisitse khumo ya gago, mme pelo ya gago ya ikgodisa ka lehumo.’ “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘E re ka pelo ya gago e ikutlwa jaaka ya modimo, ke tla go tlisetsa baeng, e leng ditšhaba tse di setlhogo go feta tsotlhe. Ba tla somola ditšhaka, ba senya bontle jwa botlhale jwa gago, ba itshekolola kgalalelo ya gago. Ba tla go kgarameletsa kwa bodibeng; o tla swela mo gare ga lewatle jaaka go swa yo o bolawang. A ruri ò tla bo o sa ntse ò ka ipolela fa pele ga babolai ba gago ò a re, ò modimo, etswe ò le motho fela, ò se modimo, ò le mo diatleng tsa ba ba go phololetsang? O tla swa ka diatla tsa baeng jaaka go swa ba ba sa rupang. Gonne ke buile jalo,’ ” go bua Morena Modimo. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga kgosi ya Tiro, o e ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: O ne ò tletse setshwano sa botho; ò tletse botlhale le bontle jo bo fetisang. O no ò le kwa Etene mo tshimong ya Modimo; majwana otlhe a a tlhokegang e ne e le mokgabo wa gago, e leng a kareneole le topase le jasepise le kerisolite le onikese le saredonikese le safire le karebonkele le semarage. Se a leng mo gare ga sona, se se a tshwaragantseng e ne e le gouta. A ne a tlapisiwa ka letsatsi le ò tlholegileng ka lone. O ne ò le Kerubime yo o diphuka di tsharologileng, yo o sireletsang. Ke go dirile jalo. O ne ò le mo thabeng e e boitshepo ya Modimo, wa itsamaela mo gare ga majwe a a phatsimang jaaka molelo. O ne ò siame mo ditseleng tsa gago go tloga ka letsatsi le ò tlholegileng ka lone, go fitlhelela letsatsing le tshiamololo e bonyweng mo go wena ka lone. Bontsi jwa dikgwebo tsa gago bo tladitse pelo ya gago kgatelelo, wa ba wa leofa. Ke fa ke go leleka mo thabeng ya Modimo o le yo o sa itshepang, ke go ntsha mo gare ga majwe a a phatsimang jaaka molelo, wena Kerubime yo o sireletsang. Pelo ya gago e ne e ikgantsha ka bontle jwa gago. Ò ne o senya botlhale jwa gago ka ntlha ya kgalalelo ya gago. Ka go digela fa fatshe, ka go baya fa pele ga dikgosi gore di itumelele tatlhego ya gago. O itshepolotse mafelo a a boitshepo a gago ka bontsi jwa maleo a gago le ka tshiamololo ya kgwebo ya gago. Jaanong ka tshuba molelo, wa tswa mo gare ga gago, wa go fisa; ka go fetola molora mo lefatsheng fa pele ga matlho a botlhe ba ba go lebileng. Botlhe ba ba neng ba go itse mo merafeng ba go reregetse; o wetse tatlhegong e e boitshegang, o nyeleletse ruri.’ ” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa motseng wa Sitone, o bolelele pele ka ga ona o re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Sitone; ke tla ikgalaletsa mo gare ga gago; mme ba tla itse fa ke le Morena, mogang ke dirafatsang kotlo mo go wena; ke itshupa mo go wena ke le boitshepo. Ke tla romela leroborobo kwa motseng wa Sitone le polao kwa mebileng ya ona. Ba ba bolawang ka tšhaka e e o tlhaselang go tswa mo ntlheng tsotlhe ba tla wa mo go ona gore ba tle ba itse fa ke le Morena. “ ‘Mme mo Baiseraeleng ga go kitla go tlhola go nna mutlwa o o ba tlhabang le e seng lobolela lo lo ba tlhokofatsang tse di tswang mo go botlhe ba ba ba nyatsang ba ba mo tikologong ya bone, mme ba tla itse gore ke nna Morena Modimo.’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E tla re ke phutha Baiseraele mo merafeng kwa ba falaletseng gona, ke itshupe mo go bone ke le Moitshepi fa pele ga matlho a ditšhaba; ba tla nna mo nageng ya bone e ke e neileng Jakobe, motlhanka wa me. Ba tla nna mo go yona ba iketlile, ba aga matlo, ba dira masimo a moweine; ba tla nna mo thagamong, motlhang ke dirafatsang kotlo mo go botlhe ba ba ba nyaditseng mo ntlheng tsotlhe tsa bone. Mme ba tla itse fa ke le Morena, Modimo wa bone.’ ” E rile ka ngwaga wa lesome, ka kgwedi ya lesome, ka letsatsi la 12, Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa go Farao, kgosi ya Egepeto, o bolelele pele ka ga gagwe le ka ga Egepeto yotlhe. Bua ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Farao, kgosi ya Egepeto, wena kwena e kgolo e e bothang mo gare ga dinoka tsa yona, e e reng: Noka ya me ke ya ka. Nna ke e itiretse. Ke tla tsenya dikobe mo metlhagareng ya gago, ke kgomaretsa ditlhapi tsa dinoka tsa gago mo makapeng a gago, ke go ntsha mo dinokeng tsa gago, le ditlhapi tsotlhe tsa dinoka tsa gago tse di kgomaretseng matlape a gago. Ke tla go latlhela kwa sekakeng le ditlhapi tsotlhe tsa dinoka tsa gago; o tla wela mo nageng e e omeletseng; ga o nke o tlosiwa le e seng go fitlhwa. Ke tla go dira dijo tsa dibata tsa lefatshe le tsa dinonyane tsa loapi. “ ‘Botlhe ba ba agileng kwa Egepeto ba tla itse gore ke nna Morena; ka gonne ò ne ò le seikokotlelo sa lotlhaka fela mo Baiseraeleng. E ne e a re fa ba go tshwara ka seatla, o pšhwetlege, ò ba phololetse seatla sotlhe; e re fa ba ikaega ka wena, ò ba theekedise dirope tsotlhe.’ Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Bona, ke tla go remisa tšhaka, ke nyeletsa batho le diruiwa mo go wena. Lefatshe la Egepeto le tla fetoga sekaka le marope gore ba tle ba itse fa ke le Morena. “ ‘E re ka ò buile wa re: Noka ke ya me; ke nna ke e dirileng; ka moo he, ke tla lwa nao le dinoka tsa gago, ke fetola lefatshe la Egepeto marope le naga e e senya le sekaka go tloga kwa Migetole go ya go fitlha kwa Siene, kwa molelwaneng wa Ethiopia. Lekoto la motho ga le nke le le ralala, tlhako ya seruiwa ga e nke e feta mo go lone; ga go kitla go nna motho ope mo go lone e tsamae go fele dinyaga di le 40. Lefatshe la Egepeto ke tla le dira senya mo gare ga mafatshe a a fetotsweng dikaka; metse ya teng e tla na marope sebaka sa dinyaga di le 40 mo gare ga metse e e sentsweng. Ke tla falaletsa Baegepeto kwa ditšhabeng, ke ba gasanya mo mafatsheng.’ “Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E tla re fa dinyaga di le 40 di sena go feta, ke phuthe Baegepeto, ke ba buse mo merafeng kwa ba falaletseng teng. Ke tla fetola tatlhego ya Baegepeto, ke ba busetsa kwa lefatsheng la Phatherose, kwa lefatsheng la tlhago ya bone. Ba tla nna le bogosi jo bo kwa tlase gona. Bo tla nna bobotlana, bo fetwa ke magosi a mangwe. Ga bo nke bo tlhola bo ikgodisetsa ditšhaba. Ke tla ba ngotlafatsa gore ba se ka ba gatelela ditšhaba. Baiseraele ga ba nke ba tlhola ba ba ikanya go gopotsa Modimo molato wa bone ka go ikopanya nabo. Mme ba tla itse gore ke nna Morena Modimo.’ ” E rile ka ngwaga wa 27, ka kgwedi ya ntlha, ka letsatsi la ntlha Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o dirisitse mephato ya gagwe tiro e kgolo ya go tlhasela motse wa Tiro. Ditlhogo tsotlhe di tlhobegile; magetla otlhe a kgobogile. Mme tuelo ga a ka a e bona kwa Tiro le e seng mephato ya gagwe, ka ntlha ya tiro e o e dirileng, fa ba lwa le ona.” Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: “Bonang, ke tla neela Nebukatenesare, kgosi ya Babele, lefatshe la Egepeto gore a tlose khumo ya lone, a thope dithoto tsa lone, a thukhuthe dilo tsa teng gore e nne tuelo ya mephato ya gagwe. Ke tla mo naya tuelo ya gagwe e a e diretseng, e bong lefatshe la Egepeto; gonne ba Babele ba ntiretse, go bua Morena Modimo. “Ka letsatsi leo Baiseraele ba tla tswa lonaka, mme ke go letlelela go ka bula molomo mo gare ga bone; ba tla itse, fa ke le Morena.” Lefoko la Morena le tsile gape kwa go nna la re. “Morwa-motho, tlhaba mokgosi ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana a re: “ ‘Goang lo re: Ijoo! Letsatsi leo! Ijoo! Gonne letsatsi le gaufi, ruri, letsatsi la Morena le gaufi, letsatsi la maru! E tla nna sebaka sa go atlhola ditšhaba. Tšhaka e tla wela Egepeto; tlalelo e tla nna kwa Ethiopia, fa ba ba bolailweng ba namaletse mo Egepeto; fa go thopiwa khumo ya teng; fa metheo ya teng e epololwa. “ ‘Baethiopia le Baphute le Balute le ba merafe ya mefutafuta le Bakube le ba lefatshe la kgolagano ba tla wa nabo ka tšhaka.’ “Morena o bua jaana a re: ‘Ba ba tshegeditseng Egepeto ba tla wa; boikgantsho jwa thata ya teng bo tla kokobediwa. Ba tla wa ka tšhaka gona go simolola kwa Migetole go ya go fitlha kwa Siene, go bua Morena Modimo. Egepeto e tla nna sekaka mo gare ga mafatshe a a dirilweng dikaka; metse ya teng e tla nna marope mo gare ga metse e e fetogileng marope. Foo ba tla itse gore ke nna Morena, mogang ke tshubang molelo mo Egepeto, mme bathusi botlhe ba teng ba thubaganngwa. “ ‘Ka letsatsi leo barongwi ba tla bolola ba tabogile ka mekoro ba romilwe ke nna gore ba tshose Baethiopia ba ba iketlileng; tlalelo e tla ba wela ka letsatsi la Egepeto, gonne bonang, le e tla!’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Ke tla khutlisa modumo wa bontsi jwa Baegepeto ka letsogo la ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele. Ene le ba morafe wa gagwe ba ba setlhogo go feta ditšhaba ba tla tlisiwa go senya lefatshe, ba somolela Egepeto ditšhaka tsa bone, ba tlatsa lefatshe leo babolawi. Ke tla kgadisa dinoka, ke neela lefatshe leo mo diatleng tsa batho ba ba bosula; ke tla fetola lefatshe sekaka le tsotlhe tse di mo go lone ka diatla tsa baeng; ke nna Morena ke buileng jalo.’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Ke tla nyeletsa medimo e e maila, ke fedisa medimo ya diseto kwa Nofe; ga go kitla go tlhola go nna kgosi teng mo lefatsheng la Egepeto. Ke tla tsenya therego mo lefatsheng la Egepeto. Ke tla dira Phatherose sekaka, ke tshuba molelo kwa Soane, ke dirafatsa petso kwa Noo. Ke tla goromeletsa bogale jwa me mo Sine yo e leng phemelo ya Egepeto, ke fedisa modumo wa bontsi jwa Noo. Ke tla tshuba molelo mo Egepeto; Sine o tla tlalelwa, a tetesela; Noo o tla thopiwa. Nofe o tla bona baba motshegare. Batlhabani ba One le ba Phibesethe ba tla wa ka tšhaka; basadi ba tla ya mo botshwarong. Mo Thagephanese go tla nna lefifi motshegare, mogang ke robang ditsamma tsa bogosi jwa Egepeto teng, mme go ikgantsha ka thata ya gagwe go khutlisiwa gona. Leru le tla mo khurumetsa. Batho ba metse ya gagwe ba tla ya mo botshwarong. Ke tla dirafatsa petso jalo kwa Egepeto gore ba tle ba itse fa ke le Morena.’ ” E rile ka ngwaga wa 11, ka kgwedi ya ntlha, ka letsatsi la bosupa Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, ke robile letsogo la mephato la ga Farao, kgosi ya Egepeto; bona, ga le a fapiwa gore le fole; ga le a alafiwa ka setlhare le e seng go fapiwa ka masela, gore le tie gape go ka tshwara tšhaka. Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: Bonang, ke tla lwa le Farao, kgosi ya Egepeto, ke roba mabogo a gagwe le le tiileng jaaka le le robegileng, gore seatla sa gagwe se latlhe tšhaka. Ke tla falaletsa Baegepeto kwa ditšhabeng, ke ba gasanya mo mafatsheng. Mme ke tla tiisa mabogo a kgosi ya Babele, ke tsenya tšhaka ya me mo seatleng sa yona; fa e le mabogo a ga Farao, ke tla a roba gore ene a fegelwe fa pele ga yona jaaka go fegelwa yo o khutlegileng la go swa. Ke tla tiisa mabogo a kgosi ya Babele, mme mabogo a ga Farao a tla repa gore ba itse fa ke le Morena, mogang ke tsenyang tšhaka ya me mo seatleng sa kgosi ya Babele gore e e somolele lefatshe la Egepeto. Ke tla falaletsa Baegepeto kwa ditšhabeng, ke ba gasanya mo mafatsheng, ba tle ba itse gore ke nna Morena.” E rile ka ngwaga wa 11, ka kgwedi ya boraro, ka letsatsi la ntlha Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, raya Farao, kgosi ya Egepeto le morafe wa gagwe ò re: “ ‘O kile wa tshwana le mang ka bogolo jwa gago? Bona, Asiria e ne e le mosetere kwa Lebanone, o na le dikala tse dintle le moriti wa matlhare a mantsi; o goletse kwa godimo, ntlha ya ona e le mo marung. Metsi a ne a o godisa, metsi a mantsi a o godisetsa kwa godimo, a eledisa dinokana tsa ona mo tikologong ya felo fa o tlhomilweng teng, a eledisa mesele ya ona kwa ditlhareng tsotlhe tsa naga. Ka moo wa golela godimo go phala ditlhare tsotlhe tsa naga, dikala tsa ona tsa ntsifala; ya re o tlhoga dikala tsa ona, tsa nna ditelele ka ntlha ya metsi a mantsi. Dinonyane tsotlhe tsa loapi tsa aga dintlhaga mo dikaleng tsa ona; diphologolo tsotlhe tsa naga tsa tsalela ka fa tlase ga dikala tsa ona; ditšhaba tse dintsi tse dikgolo tsa nna mo moriting wa ona. O ne o le montle ka bogolo jwa ona le ka boleele jwa dikala tsa ona; gonne medi ya ona e ne e le mo metsing a mantsi. Mesetere ya tshimo ya Modimo e ne e sa lekane nao; ditlhare tsa mesiperese ga di tshwane le dikala tsa ona; tsa palatane ga di a nna jaaka dikala tsa ona; go ne go se na setlhare sepe mo tshimong ya Modimo se se tshwanang nao ka bontle. Ke ne ke o dirile montle ka bontsi jwa dikala tsa ona, mo ditlhare tsotlhe tsa Etene di bileng tsa o fufegela, tse di neng di le mo tshimong ya Modimo.’ “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘E re ka ò goletse kwa godimo, wa tsenya ntlha ya ona mo marung, mme pelo ya ona ya ikgodisa ka ntlha ya boleele jwa ona, ka moo ka o neela mo diatleng tsa yo o thata mo ditšhabeng gore a o direle tota ka fa boikepong jwa ona; ka o latlha. Baeng ba ba setlhogo go feta ditšhaba tsotlhe ba o remile, ba o diga; dikala tsa ona tsa wela mo dithabeng le mo megorogorong yotlhe; dikala tsa ona tsa robegela mo melapong yotlhe ya lefatshe; merafe yotlhe ya lefatshe ya tshaba mo moriting wa ona, ya o tlogela. Dinonyane tsotlhe tsa loapi tsa nna mo kutung ya ona e e oleng; diphologolo tsotlhe tsa naga di ne di le mo dikaleng tsa ona; gore go se nne ditlhare dipe tse di fa metsing, tse di golelang kwa godimo, tse di tsenyang dintlha tsa tsona mo marung; mme tse dikgolo tsa tsona tse di nwang metsi di se ka tsa ema ka boikgantsho jwa tsona. Gonne di neetswe losong tsotlhe, di tla ya kwa tengteng ga lefatshe jaaka batho ba bangwe, kwa go ba ba fologetseng kwa felong ga baswi.’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E rile ka letsatsi le o fologetseng kwa felong ga baswi ka lone, ka tsosa bohutsana, ka khurumetsa metsi a a boteng ka ntlha ya ona, ka thibela dinoka tsa ona, metsi a mantsi a emisiwa; ka apesa Lebanone bontsho ka ntlha ya ona, mme ditlhare tsotlhe tsa naga tsa swaba ka ntlha ya ona. E rile ke o kgoromeletsa kwa felong ga baswi, kwa go ba ba fologetseng teng, ka roromisa ditšhaba ka loratla lwa go wa ga ona. Ke fa go gomotsega ditlhare tsotlhe tsa Etene kwa felong fa go kwa tengteng ga lefatshe, le tse di tlhaotsweng tse dintlentle tsa Lebanone tse di nwang metsi tsotlhe. Le tsona di ne tsa fologela nao kwa felong ga baswi kwa go ba ba bolailweng ka tšhaka; ba ba neng ba nna mo moriting wa ona ba falalediwa mo ditšhabeng. “ ‘Jaanong wena o tshwana le setlhare sefe mo Etene ka kgalalelo le ka bogolo? Le wena o tla folosediwa kwa tengteng ga lefatshe mmogo le ditlhare tsa Etene; o tla namalala mo gare ga ba ba sa rupang mmogo le ba ba bolailweng ka tšhaka. Ke ene Farao le morafe otlhe wa gagwe,’ go bua Morena Modimo.” E rile ka ngwaga wa 12, ka kgwedi ya 12, ka letsatsi la ntlha Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga Farao, kgosi ya Egepeto, ò mo ree ò re: “ ‘Wena tawana mo ditšhabeng, ò latlhegile! Mme ò ne o tshwana le kwena e kgolo lewatleng, o budula metsi, o kgobera metsi ka maroo a gago, ò gataka mo dinokeng.’ “Morena Modimo o bua jaana a re: “ ‘Ke tla go tsharololela letloa la me ka bontsi jwa merafe e megolo, ke go gogela kwa ntle ka lone. Ke tla go latlhela mo lefatsheng, ke go namalatsa mo nageng e e omeletseng; ke tla nnisa dinonyane tsotlhe tsa loapi mo go wena, ke kgorisa dibata tsa lefatshe lotlhe ka wena. Nama ya gago ke tla e latlhela kwa dithabeng; megorogoro ke tla e tlatsa setoto sa gago. Ke tla nosa lefatshe sebodu le madi a gago go fitlha kwa dithabeng; melapo e tla tlala madi a gago. E tla re ò swa, ke sire legodimo, ke fifatse dinaledi, ke khurumetse letsatsi ka maru; le ngwedi ga o nke o ntsha lesedi la ona. Masedi otlhe a legodimo a a sedifatsang ke tla a fifatsa ka ntlha ya gago, ke tlisa lefifi mo lefatsheng la gago,’ go bua Morena Modimo. “ ‘E tla re ke utlwatsa tatlhego ya gago mo ditšhabeng, ke tlaletse dipelo tsa merafe e mentsi mo mafatsheng a o sa a itseng. Ke tla reregisa merafe e mentsi ka ntlha ya gago; dikgosi tsa yona di tla sisimoga thata ka ntlha ya gago, mogang ke kgadikanyang tšhaka ya me ba ntse ba lebile; ba tla tetesela ka nako yotlhe, mongwe le mongwe a boifela bophelo jwa gagwe ka letsatsi la tatlhego ya gago.’ “Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Tšhaka ya kgosi ya Babele e tla go rema. Ke tla diga morafe wa gago ka ditšhaka tsa bagale ba ba setlhogotlhogo go feta ba ditšhaba tsotlhe. Ba tla senya tsa boikgantsho jwa Egepeto; bontsi jotlhe jwa teng bo tla nyelediwa. Ke tla fedisa diruiwa tsotlhe tsa teng, ke di tlosa mo metsing a mantsi. Lekoto la motho ga le ka ke la tlhola le a kgobera; le tlhako ya seruiwa ga e nke e a kgobera. Foo ke tla itshekisa metsi a bone, ke eledisa dinoka tsa bona jaaka lookwane,’ go bua Morena Modimo. ‘E tla re fa ke fetola lefatshe la Egepeto sekaka, fa le senyegetswe ke tsotlhe tse di mo go lone, fa ke bolaya botlhe ba ba agileng mo go lone: Foo ba tla itse gore ke nna Morena. Sefela sa khutsafalo ke seo; a ba se opele! A bomorwadia ditšhaba ba se opele! A ba lelele Egepeto le batho botlhe ba teng ka sona,’ go bua Morena Modimo.” E rile ka ngwaga wa 12, ka letsatsi la 15 la kgwedi eo Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, lelela morafe wa Egepeto; bone le bomorwadia merafe e e tumileng, ò ba kgoromeletse kwa mafelong a a kwa tengteng ga lefatshe, kwa go ba ba fologetseng kwa felong ga baswi. “ ‘O feta mang ka bontle? Fologa ò namaladiwe le ba ba sa rupang!’ “O tla wa mo gare ga ba ba bolailweng ka tšhaka; morafe otlhe wa gagwe o tla namalala o bapile nae. Bagale ba ba dinatla ba tla bua ka ga Farao le bathusi ba gagwe mo felong ga baswi ba re: ‘Ba fologetse kwano, ba namaletse fano, bone ba ba sa rupang, ba ba bolailweng ka tšhaka.’ “Asiria ke yole le bontsi jotlhe jwa gagwe; diphupu tsa bone di mo tikologong ya gagwe; botlhe ba bolailwe, ba ole ka tšhaka. Diphupu tsa bone di epilwe kwa mafelelelong a felo ga baswi; bontsi jotlhe jwa gagwe bo mo tikologong ya phupu ya gagwe. Botlhe ba bolailwe, ba ole ka tšhaka; ke ba ba kileng ba reregisa ba ba phelang mo lefatsheng. “Elame ke yole le morafe otlhe wa gagwe, ba mo tikologong ya phupu ya gagwe. Botlhe ba bolailwe, ba ole ka tšhaka, ba fologetse kwa tengteng ga lefatshe ba sa rupa; ke ba ba kileng ba reregisa ba ba phelang mo lefatsheng. Jaanong ba rwele kgobo ya bone mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi. Ba mo aletse bolao mo gare ga ba ba bolailweng; morafe otlhe wa gagwe o mo tikologong ya phupu ya gagwe. Botlhe ke ba ba sa rupang, ba bolailwe ka tšhaka, gonne ba ne ba reregisa ba ba phelang mo lefatsheng. Jaanong ba rwele kgobo ya bone mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi; ba namaladitswe mo gare ga ba ba bolailweng. “Mesege le Thubale ke bale le bontsi jotlhe jwa bone, ba mo tikologong ya diphupu tsa bone. Botlhe ke ba ba sa rupang, ba bolailwe ka tšhaka, gonne ba ne ba reregisa ba ba phelang mo lefatsheng. Ga ba a namalala le bagale ba ba oleng, ba sa rupa, ba ba fologetseng kwa felong ga baswi, ba ntse ba na le dibolai tsa ntwa, ba sameditswe tlhogo ka ditšhaka tsa bone, go bile go beilwe dithebe tsa bone mo ditotong tsa bone; gonne bagale ba ne ba boifiwa ke ba ba phelang mo lefatsheng. “Le wena o tla robaganngwa, o namalala mo gare ga ba ba sa rupang mmogo le ba ba bolailweng ka tšhaka. “Etomo ke yole le dikgosi tsa gagwe le dikgosana tsotlhe tsa gagwe; le fa e ne e le bagale, ba isitswe kwa go ba ba bolailweng ka tšhaka; ba namaletse le ba ba sa rupang, ba ba folegetseng kwa felong ga baswi. “Dikgosana tsotlhe tsa kwa bokone ke tsele, le ba Sitone botlhe. Ba fologile mmogo le ba ba bolailweng. Le fa ba ne ba boitshega ka boganka jwa bone, ba tlhabisitswe ditlhong, ba namaletse le ba ba bolailweng ka tšhaka, ba sa rupa, ba rwele kgobo ya bone mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi. “Bona bao Farao o tla ba bona, a ikgomotsa ka ntlha ya bontsi jotlhe jwa gagwe. Farao le mephato yotlhe ya gagwe ba bolailwe ka tšhaka. Morena Modimo o buile jalo. “Gonne ke mo dirile gore a reregise ba ba phelang mo lefatsheng. Ka moo o tla namaladiwa mo gare ga ba ba sa rupang, ba ba bolailweng ka tšhaka, ene Farao le batho botlhe ba gagwe. Morena Modimo o buile jalo.” Lefoko la Morena le tsile kwa go nna la re: “Morwa-motho, bua le batho ba morafe wa gago, ò ba ree o re: ‘Fa ke tlisetsa lefatshe lengwe tšhaka, mme batho ba lefatshe leo ba tlhopha monna mo go bone, ba mo dira motlholedi wa bone; ene fa a bona tšhaka e tlela lefatshe leo, o tla letsa lonaka, a tlhagisa morafe. Jaanong fa motho a utlwa modumo wa lonaka fela, mme a sa dumele go tlhagisiwa; fa tšhaka e tla, e mo gapa, foo madi a gagwe a tla tshololwa e le molato wa gagwe. O utlwile mokgosi wa lonaka, mme ga a ka a tlhagisega, o tla swa e le molato wa gagwe. Mme yo o dumetseng go tlhagisiwa o pholositse bophelo jwa gagwe. Mme fa motlhodi a bona tšhaka e tla, a sa letse lonaka; fa morafe o sa tlhagisiwe, mme tšhaka e tla, e bolaya mongwe wa ona, ene yo, o tla bo a bolailwe ka ntlha ya molato wa gagwe, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo diatleng tsa motlhodi.’ “Wena morwa-motho, ke go dirile motlholedi wa Baiseraele. Jaanong fa o utlwile lefoko le le tswang mo molomong wa me, o ba tlhagise, o romilwe ke nna. Fa ke raya moikepi ke re: ‘Wena moikepi, ò tshwanetse go swa!’ mme ò sa bue sepe go tlhagisa moikepi gore a tlogele mokgwa wa gagwe, foo ene moikepi o tla swa ka ntlha ya molato wa gagwe, mme madi a gagwe ke tla a batla mo diatleng tsa gago. Mme fa ò tlhagisitse moikepi yoo ka ntlha ya tsamao ya gagwe gore a e tlogele, mme a sa tlogele tsamao ya gagwe, foo o tla swa ka molato wa gagwe, mme wena o pholositse bophelo jwa gago. “Wena morwa-motho, raya Baiseraele o re: Lo buile jaana lwa re: ‘Ditlolo tsa rona le dibe tsa rona di a re imela, re nyelela ka tsona. Re ka phela jang?’ Ba ree ò re: ‘Morena Modimo o buile wa re: Ka bophelo jwa me! Ga ke kgatlhwe ke loso lwa moikepi. Se se nkgatlhang ke fa moikepi a tlogela tsamao ya gagwe, a phela. Boang, lo tlogele ditsela tse di bosula tsa lona! Lo ratelang go swa, lona Baiseraele?’ “Wena morwa-motho, raya batho ba morafe wa gago ò re: ‘Tshiamo ya mosiami ga e nke e mo pholosa ka letsatsi la go ikepa ga gagwe; gape boikepo jwa moikepi ga bo nke bo mo diga ka letsatsi le a tlogelang boikepo jwa gagwe ka lone; le gona mosiami ga a kgone go phologa ka tshiamo ya gagwe ka letsatsi le a leofang ka lone.’ Fa ke raya mosiami ke re: ‘Ruri, ò tla phela!’ mme ene a ikaega ka tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, foo tshiamo yotlhe ya gagwe ga e nke e gopolwa, mme o tla swa ka tshiamololo e o e dirileng. Fa ke raya moikepi ke re: ‘Ruri, ò tla swa!’ mme a tlogela boleo jwa gagwe, a dira tse di siameng le tse di tshwanetseng; fa moikepi a rebola peeletso, a busa tse a di thukhuthileng, a sepela ka fa melaong ya bophelo, a sa dire tshiamololo, foo o tla phela tota; ga a nke a swa. Maleo otlhe a gagwe a o leofileng ka ona ga a kitla a a balelwa. O dirile ka tshiamo le ka tshwanelo; ruri, o tla phela. “Mme batho ba morafe wa ga eno ba re: ‘Tsela ya Morena ga e a siama,’ etswe e le tsela ya bone ka bosi e e sa siamang. Fa mosiami a tlogela tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, o tla swa ka ntlha ya moo. Mme fa moikepi a tlogela boikepo jwa gagwe, a dira ka tshiamo le ka molao, foo o tla phela ka go dira jalo. Mme lona lo a re: ‘Tsela ya Morena ga e a siama.’ Mme ke ntse ke atlhola mongwe le mongwe wa lona Baiseraele ka fa tsamaong ya gagwe.” E rile ka ngwaga wa 12 wa botshwaro jwa rona, ka kgwedi ya lesome, ka letsatsi la botlhano ga tla mofalodi kwa go nna, a tswa kwa Jerusalema, a re: “Motse o thopilwe.” Seatla sa Morena se ne se le mo go nna mantsiboana, mofalodi a ise a tle, Morena a ise a bule molomo wa me; ga tsamaya a tla kwa go nna mo mosong, ke fa molomo wa me o bulega, ke sa tlhole ke le semumu. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, ba ba nnang mo maropeng ale a a mo nageng ya Iseraele ba bua ba re: ‘Aborahame o ne a le mongwe fela, mme a rua lefatshe; rona re ba bantsi, re neilwe lefatshe go nna boswa.’ “Ke moo ò ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Lo ja nama e e nang le madi, lo tsholeletsa matlho kwa medimong e e maila ya lona, lo tsholola madi. A lo gopola gore lo ka rua lefatshe? Lo ikaega ka ditšhaka tsa lona, lo dirile makgapha, mongwe le mongwe o sentse mosadi wa mongwe-ka-ene. A lona lo tla rua lefatshe?’ “O ba ree jaana ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ka bophelo jwa me! Ruri, ba ba mo maropeng ba tla wa ka tšhaka; ba ba kwa nageng ke tla ba dira dijo tsa dibata; ba ba mo dikgageng le mo mengobong ba tla swa ka leroborobo. Ke tla fetola lefatshe sekaka le theregiso; boikgantsho jwa thata ya lone bo tla khutlisiwa; dithaba tsa Iseraele di tla nna senya, go se na yo o di ralalang. E tla re ke sena go dira lefatshe sekaka le theregiso ka ntlha ya makgapha otlhe a ba a dirileng, ba itse gore ke nna Morena.’ “Wena morwa-motho, batho ba morafe wa ga eno ba buisanya ka ga gago mo malapeng le mo mejakong ya matlo, mongwe le mongwe a bua le morwa-rraagwe, ba raana ba re: ‘A re ye tlhe, re utlwe se lefoko le le tswang mo Moreneng le se bolelang.’ Jaanong ba phuthegela kwa go wena jaaka morafe, ba nna fatshe fa pele ga gago jaaka morafe wa me, ba utlwa mafoko a gago, mme ga ba a ke ba a dirafatsa; gonne ba bua maikano a lorato ka melomo ya bone, mme dipelo tsa bone di latetse kgwebo ya bone ya tshiamololo. Bona, o tshwana le moopedi wa difela tsa lorato mo go bone, o na le lentswe le le monate, o itse go letsa sentle: Ba utlwa mafoko a gago, mme ba se ke ba a dirise. Bona, dipolelelopele di tla dirafala. Mme fa di dirafala, foo ba tla itse fa ba ne ba na le moporofeti.” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, rera o kgalemele badisa ba Iseraele, rera ò ba ree o re: ‘Lona badisa, Morena Modimo o bua jaana a re: A tatlhego wee ya badisa ba Iseraele ba ba iphudisang! Badisa a ga ba a tshwanela go fudisa letsomane? Lo ja mašwi, lo apara boboa, lo tlhaba tse di nonneng, mme letsomane ga lo le fudise. Tse di fokolang ga lo a ka lwa di tiisa; tse di lwalang ga lo a ka lwa di alafa; tse di robegileng ga lo a ka lwa di fapa; tse di lelekilweng ga lo a ka lwa di busa; tse di timetseng ga lo a ka lwa di batla; mme tse di tiileng lwa di gataka ka kgatelelo. Dinku tsa me tsa phatlalala jalo ka go tlhoka modisa, tsa nna dijo tsa dibata tsotlhe tsa naga ka go phatlalala. Dinku tsa me tsa kgarakgatshega mo dithabeng tsotlhe le mo mebotong yotlhe e e godimo. Dinku tsa me tsa falalediwa kwa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe, go se na yo o di tlhokomelang, le fa e le yo o di batlang. “ ‘Ka moo, lona badisa, utlwang lefoko la Morena!’ Morena Modimo o bua a re: ‘Ruri! Ka bophelo jwa me! Dinku tsa me di fetogile thopo, dinku tsa me ke dijo tsa dibata tsotlhe tsa naga ka go tlhoka modisa; badisa ba me ga ba a ka ba tlhokomela dinku tsa me – kana badisa ba ne ba iphudisa fela, ba sa fudise letsomane la me. Ka moo he, lona badisa, utlwang Lefoko la Morena!’ Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla wela badisa bao, ke batla dinku tsa me mo diatleng tsa bone, mme bone ke tla ba ntsha mo tirong ya go disa dinku tsa me. Badisa bao ga ba nke ba tlhola ba iphudisa ka bosi. Ke tla namola dinku tsa me mo maganong a bone gore di se ka tsa tlhola di nna dijo tsa bone.’ “Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla batla dinku tsa me ka nosi, ke di tlamela. Modisa o tlhokomela letsomane la gagwe ka letsatsi le ka lone a leng mo gare ga dinku tsa gagwe tse di neng di phatlaletse, ke tla tlhokomela dinku tsa me jalo, ke di pholosa mo mafelong otlhe kwa di phatlalaletseng teng ka letsatsi la maru le lefifi. Ke tla di ntsha mo merafeng, ke di phutha mo mafatsheng, ke di isa kwa nageng ya tsona, ke di fudisa mo dithabeng tsa Iseraele le mo melapong le gotlhe fa di ka nnang teng mo lefatsheng leo. Ke tla di fudisa mo mafulong a a molemo; meraka ya tsona e tla nna mo dithabeng tse di godimo tsa Iseraele. Di tla botha teng mo marakeng a a molemo, di fula mafulo a manana mo dithabeng tsa Iseraele. Ke tla fudisa dinku tsa me ka nosi, ke di bothisa ka nosi,’ go bua Morena Modimo. “ ‘Ke tla batla tse di timetseng, ke busa tse di lelekilweng, ke fapa tse di robegileng, ke tiisa tse di lwalang, ke disa tse di akotseng le tse di tiileng, ke di fudisa ka tshwanelo. “ ‘Mme lona letsomane la me,’ Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla siamisa fa gare ga nku le podi, fa gare ga diphelehu le diphoko. A ga go a lo lekana, fa lo fula mafulo a a molemo? Ke go reng, fa e bile lo gataka mafulo a lona a setseng ka ditlhako? A e ka re lo nwa metsi a a itshekileng, mme a a setseng lwa a kgobera ka ditlhako? A dinku tsa me di na le go fula fa lo go gatakileng ka ditlhako? A di na le go nwa metsi a lo a kgoberileng ka ditlhako?’ “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana natso o re: ‘Bonang, ke tla siamisa ka nosi fa gare ga nku e e nonneng le nku e e otileng. Jaanong e re ka lo kgorometsa tsotlhe tse di fokolang ka lotlhakore le ka legetla, lo di tlhaba ka dinaka tsa lona go tsamaya lo di lelekele kwa ntle; ka moo ke tla pholosa dinku tsa me gore di se ka tsa tlhola di nna thopo; ke tla siamisa fa gare ga nku le nku. Ke tla di tsosetsa Modisa a le mongwe, o tla di fudisa, e bong Dafita, motlhanka wa me; ene o tla di disa, o tla nna Modisa wa tsona. Nna Morena ke tla nna Modimo wa bone. Dafita, motlhanka wa me, o tla nna kgosi mo go bone. Ke nna Morena ke buileng jalo. Ke tla dira kgolagano ya kagiso nabo; ke fedisa dibata tse di bosula mo lefatsheng. Ba tla nna mo nageng le go robala mo dikgweng ba iketlile. “ ‘Ke tla ba tshegofatsa le mafelo a a mo tikologong ya thabana ya me. Ke tla nesa pula ka nako ya yona. E tla nna dipula tsa tshegofatso. Foo ditlhare tsa naga di tla ungwa maungo a tsona; lefatshe le tla ntsha kotulo ya lone. Ba tla nna mo nageng ya bone ba iketlile, ba itse gore ke nna Morena, mogang ke robang dijoko tsa bone le go ba golola mo diatleng tsa ba ba neng ba ba dira batlhanka ba bone. Ga ba nke ba tlhola ba nna thopo ya ditšhaba, sebata sa lefatshe ga se nke se ba ja. Ba tla aga ba le mo tshireletsong, go se na yo o ba tshosang. Ke tla ba tlhomela ditlhare tsa maungo a a monate. Go tla bo go se na ope yo o ka fedisiwang ke tlala mo lefatsheng leo. Ga ba nke ba tlhola ba rwala kgobo ya ditšhaba. Ba tla itse gore nna Morena, Modimo wa bone, ke na nabo; le gore bone Baiseraele ke morafe wa me.’ Morena Modimo o buile jalo. “ ‘Lona lo dinku tsa me, lo dinku tse ke di fudisang; lo batho, mme nna ke Modimo wa lona,’ go bua Morena Modimo.” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, lebisa sefatlhego kwa thabeng ya Seire, ò e rerele, ò e kgalemele, ò e ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: “ ‘Bona, ke tla go tlhasela, wena thaba ya Seire, ke go tsholeletsa letsogo, ke go fetola sekaka le theregiso. Metse ya gago ke tla e fetola marope; mme wena o tla fetoga sekaka gore ò tle ò itse, fa ke le Morena. “ ‘E re ka ò tlhoile Baiseraele ka go sa feleng, wa ba neela mo thateng ya tšhaka ka sebaka sa tatlhego ya bone, ka sebaka sa petso ya molato ya bofelo, ka moo, ruri, ka bophelo jwa me! O dirile molato ka go tsholola madi; ka moo madi a tla go latelela.’ Morena Modimo o a re jalo. ‘Thaba ya Seire ke tla e dira sekaka le theregiso. Ke tla fedisa mo go yona yo o tswang teng le yo o boelang gona. Dithaba tsa gago, Etomo, ke tla di tlatsa babolawi ba gago. Fa e le meboto ya gago le megorogoro ya gago le melapo ya gago, ba ba bolailweng ka tšhaka ba tla wela mo go tsona. Ke tla go fetola sekaka se se sa khutleng; ga go kitla go nna ope mo metseng ya gago, gore lo itse, fa ke le Morena. “ ‘E re ka ò buile wa re: “Ditšhaba tse pedi le mafatshe a mabedi e tla nna tsa me; re tla di rua” – le fa Morena a le teng koo – ka moo, ka bophelo jwa me! ke tla go direla ka fa bogaleng jwa gago le ka fa lefufeng la gago tse o di ba diretseng ka ntlha ya letlhoo la gago. Ke tla ikitsise mo go bone, mogang ke go atlholang.’ Morena Modimo o a re jalo. ‘O tla lemoga gore ke nna Morena. Ke utlwile dikgalo tsotlhe tsa gago tse ò di buileng ka ga dithaba tsa Iseraele wa re: “Di fetogile sekaka. Re di neilwe go di ja boswa.” Lo ikgodisitse, lwa nnyatsa, lwa bua tse dintsi ka ga me ka matepe; ke utlwile!’ “Morena Modimo o buile jaana wa re: ‘Le fa lefatshe lotlhe le itumela, wena ke tla go fetola sekaka. O ne ò itumelela boswa jwa Baiseraele, ka gonne bo ne bo sentswe. Le wena ke tla go direla jalo. O tla fetoga sekaka, wena thaba ya Seire le Etomo yotlhe mmogo. Ba tla itse jalo, fa ke le Morena.’ ” “Wena morwa-motho, rerela dithaba tsa Iseraele, ò di ree ò re: ‘Lona dithaba tsa Iseraele, utlwang Lefoko la Morena! Morena Modimo o bua jaana o a re: E re ka mmaba a buile ka ga lona a re: Ahee! Dithaba tse di sa khutleng di fetogile boswa jwa rona!’ “Ka moo rera ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ba lo fetotse sekaka, ba re ba lo metsa go tswa mo ntlheng tsotlhe gore lo nne boswa jwa masalela a ditšhaba; babuabui ba a lo seba, batho ba lo senya leina. Ka moo utlwang Lefoko la Morena Modimo, lona dithaba tsa Iseraele! Morena Modimo o bua jaana, o raya dithaba le meboto le melapo le megorogoro le marope a a senya, le metse e e tlogetsweng, tse di fetogileng thopo le tshotlego tsa masalela a ditšhaba tse di mo tikologong.’ “Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Ruri, ke buile ka molelo wa lefufa la me ka ga masalela a ditšhaba le ka ga Etomo yotlhe, ba ba iphileng lefatshe la me go nna boswa ka boitumelo jwa pelo yotlhe le ka nyatso ya pelo gore ba leleke baagi ba lone, ba le thukhuthe dilo.’ “Ka moo rera ka ga naga ya Iseraele, ò ree dithaba le meboto le melapo le megorogoro ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke buile ka lefufa la me le ka bogale jwa me, gonne lo rwele kgobo ya ditšhaba.’ Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Ke tsholeditse letsogo, ka ikana ka re: Ruri, ditšhaba tse di mo tikologong ya lona, tsona di tla rwala kgobo ya tsona. Mme lona dithaba tsa Iseraele lo tla tlhogisa ditlhare tsa lona, lo ungwela Iseraele, morafe wa me, maungo a lona, gonne ba gaufi le go tla. Bonang, ke tla tla koo go lona, ke boela gape koo go lona; lo tla lengwa, lo jwalwa. Ke tla ntsifatsa batho mo go lona, e le Baiseraele botlhe mmogo. Go tla nna batho mo metseng, go tsosiwa marope. Ke tla atisa batho le diruiwa mo go lona. Go tla ntsifala, go ata bone le tsone. Ke tla nnisa batho mo go lona jaaka gale, ke lo direla molemo bogolo go pele, mme lo tla itse gore ke nna Morena. Ke tla tsamaisa batho mo go lona, e bong Baiseraele, morafe wa me. Ba tla lo rua; lo tla nna boswa jwa bone. Ga lo kitla lo tlhola lo ba thukhutha bana.’ “Morena Modimo o bua jaana a re: ‘E re ka ba go raya ba re: Wena lefatshe, ò ja batho, ò thukhutha setšhaba sa gago bana. Ka moo ga ò kitla ò tlhola ò ja batho, le e seng go thukhutha setšhaba sa gago bana gape,’ go bua Morena Modimo. ‘Ga nkitla le tlhola ke utlwatsa kgobo ya baheitane ka ga gago; ga ò nke ò tlhola ò rwala nyatso ya merafe le e seng go thukhutha setšhaba sa gago bana gape,’ go bua Morena Modimo.” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, e rile Baiseraele ba ntse ba le mo nageng ya bone, ba e itshekolola ka tsamao ya bone le ka ditiro tsa bone. Tsamao ya bone fa pele ga me e ne e tshwana le leswe la mosadi yo o iponang. Ka moo ka goromeletsa bogale jwa me mo go bone ka ntlha ya madi a ba a tsholotseng mo lefatsheng le ka ntlha ya medimo e e maila ya bone, e ba le itshekolotseng ka yona. Ka ba falaletsa kwa baheitaneng, ba phatlalalediwa kwa mafatsheng; ka ba atlhola ka fa tsamaong ya bone le ka fa ditirong tsa bone. Jaanong ya re ba sena go fitlha kwa ditšhabeng, kwa ba ileng teng, ba itshepolola leina le le boitshepo la me, fa go builwe ka ga bone go twe: ‘Bao ke morafe wa Morena, mme ba dule mo lefatsheng la gagwe.’ Ke fa ke tlhomoga pelo ka ntlha ya leina le le boitshepo la me le Baiseraele ba neng ba le itshepolotse kwa baheitaneng, kwa ba fitlhileng teng. “Ka moo raya Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ga ke dire jalo ka ntlha ya lona Baiseraele, mme ke ka ntlha ya leina la me le le boitshepo, le lo le itshepolotseng kwa baheitaneng, kwa lo ileng teng. Ke tla itshepisa leina le legolo la me le le itshepolotsweng mo baheitaneng, le lo le itshepolotseng mo go bone. Baheitane ba tla itse gore ke nna Morena, mogang ke itshupang mo go lona fa pele ga matlho a bone, fa ke le boitshepo.’ Morena Modimo o a re jalo. ‘Ke tla lo ntsha kwa baheitaneng, ke lo phutha kwa mafatsheng aotlhe, ke lo busetsa kwa nageng ya lona. Ke tla lo kgatsha ka metsi a a phepa gore lo itsheke; ke tla lo tlhapisa maswe otlhe, ke tlosa medimo e e maila yotlhe ya lona. Ke tla lo naya pelo e ntšhwa, ke tsenya mowa o mošwa mo teng ga lona. Ke tla ntsha pelo eo ya lentswe mo nameng ya lona, ke lo naya pelo ya nama. Ke tla tsenya Mowa wa me mo teng ga lona, ke lo dira batho ba ba sepelang ka fa melaong ya me ba ba tshegetsang ditshiamo tsa me, ba di dirisa. Lo tla nna mo lefatsheng le ke le neileng borraeno; lo tla nna morafe wa me, nna ke nne Modimo wa lona. Ke tla lo golola mo go tsotlhe tse di maswe tsa lona, ke be ke bitsa mabele, ke a ntsifatsa, ke sa tlhole ke lo bolaisa tlala. Le gona ke tla ntsifatsa maungo a ditlhare le kotulo mo masimong gore lo se ka lwa tlhola lo kgobiwa ka tlala kwa baheitaneng. Foo lo tla gakologelwa ditsela tsa lona tse di bosula le ditiro tsa lona tse di neng di se molemo, lo itenegela ka losi ka ntlha ya maleo a lona le ka ntlha ya makgapha a lona. Ga ke dire jalo ka ntlha ya lona,’ go bua Morena Modimo. ‘Moo a go itsiwe ke lona! Tlhajwang ke ditlhong, lo inyaletse ditsela tsa lona, lona Baiseraele!’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E tla re ka letsatsi le ke lo tlhapisang melato yotlhe ka lone, ke agise batho gape mo metseng, le marope a tla tsosiwa. Lefatshe le le sentsweng le tla lengwa gape, e sa tlhole e le sekaka fela mo matlhong a botlhe ba ba fetang teng. Ba tla re: Lefatshe le, le le neng le sentswe, le fetogile, le tshwana le tshimo ya Etene. Metse e, e e neng e le marope fela, e sentswe, e rutlilwe, jaanong e agilwe e femetswe sentle gape, e na le batho. Baheitane ba ba sadisitsweng mo tikologong ya lona ba tla itse gore ke nna Morena ke agileng gape se se neng se digilwe, ka tlhoma se se neng se sentswe. Nna Morena ke buile jalo, le gona ke tla dira jalo.’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Gape se ke tla dumelang go se kopiwa ke Baiseraele gore ke se ba direle ke sa go re: Ke ba atisetse batho jaaka letsomane la dinku. Metse e e neng e le marope fela e tla tlala matsomane a batho a a kana ka dinku tse di isiwang kwa Felong-ga-Boitshepo le dinku tsa Jerusalema ka meletlo ya teng. Ba tla itse jalo, fa ke le Morena.’ ” Seatla sa Morena se ne sa nna mo go nna, mme Morena a nntshetsa kwa ntle ka Mowa wa gagwe, a nkemisa fa gare ga leboa; lone le ne le tletse marapo a baswi. A a mpotolosa mo tikologong yotlhe, ka bona a le mantsi thata mo leboeng; le gona a omeletse thata. A mpotsa a re: “Morwa-motho, a marapo a, a ka phela?” Ka fetola ka re: “Morena Modimo, go itse wena.” A ba a nthaya a re: “Rerela marapo a, ò a ree ò re: ‘Lona marapo a a omeletseng, utlwang Lefoko la Morena!’ Morena Modimo o bua jaana le lona marapo ao o a re: ‘Bonang, ke tla tsenya mowa mo go lona, mme lo tla phela. Ke tla baya mesifa mo go lona, ke tlhogisa nama mo go lona, ke lo apesa letlalo, ke tsenya mowa mo go lona gore lo tle lo phele, lo be lo itse gore ke nna Morena.’ ” Ka rera jaaka ke laetswe. Ya re ke rera, ga utlwala modumo le mokgwasa; marapo a atamelana, lesapo kwa lesapong la mong wa lone. Ka leba, ka bona mesifa e le mo go ona, le nama e tlhoga; le gona a apesiwa letlalo ka fa ntle, mme go se na mowa mo go ona. A ba a nthaya a re: “Rerela mowa, rera, morwa-motho, ò ree mowa ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Wena mowa, tswaa kwa ntlheng tse nne, o budulegele babolawi ba gore ba phele!’ ” Ka rera ka fa a ntaetseng ka teng, ke fa mowa o tsena mo go bone, ba phela, ba ema ka dinao, e le mophato o mogolo thata. Ya baa gona a nthayang a re: “Morwa-motho, marapo a ke Baiseraele botlhe. Bona, ba bua ba re: ‘Marapo a rona a omeletse, tsholofelo ya rona e nyeletse, re fedile!’ Ka moo rera, ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke tla bula diphupu tsa lona, ke lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me, ke lo busetsa kwa lefatsheng la Iseraele. Lo tla lemoga, fa ke le Morena, mogang ke bulang diphupu tsa lona, ke lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me. Ke tla tsenya Mowa wa me mo go lona gore lo tle lo phele; ke tla lo baya kwa lefatsheng la lona, mme lo tla itse gore ke nna Morena ke buileng jalo, ka ba ka dira jalo.’ ” Go bua Morena. Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Wena morwa-motho, tsaya thobane, ò kwale mo go yona ò re: ‘Ya ga Juta le ya Baiseraele ba ba gogang nae!’ O be ò tsee thobane e nngwe gape, o kwale mo go yona ò re: ‘Ya ga Josefa – thobane ya ga Eferaime – le ya Baiseraele botlhe ba ba gogang nae!’ O be ò di pataganye gore e nne thobane e le nngwe mo seatleng sa gago. Jaanong e re batho ba morafe wa ga eno ba go botsa ba re: ‘A ga ò ka ke wa re bolelela gore ò kaya eng ka dilo tseo?’ ò ba arabe ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke tla tsaya thobane ya ga Josefa e e mo seatleng sa ga Eferaime le ditso tsa Iseraele tse di gogang nae, ke e kopanya le thobane ya ga Juta, ke di dira thobane e le nngwe fela gore tsone e nne thobane e le nngwe fela mo seatleng sa me.’ “Jaanong fa dithobane tse o kwalang mo go tsona di le mo seatleng sa gago fa pele ga matlho a bone, ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana wa re: Bonang, ke tsaya Baiseraele kwa ditšhabeng, kwa ba ileng teng, ke ba phutha mo ntlheng tsotlhe, ke ba busetsa kwa lefatsheng la bone. Ke tla ba dira setšhaba se le sengwe fela mo lefatsheng la me le mo dithabeng tsa Iseraele. Kgosi e le nngwe fela e tla ba busa botlhe, e sa tlhole e le ditšhaba tse pedi. Le gona ga ba nke ba tlhola ba kgaogana go nna dipuso tse pedi. Ga ba nke ba tlhola ba kgotlelega ka medimo e e maila ya bone le ka makgapha a bone le ka maleo otlhe a bone. Ke tla ba golola mo ditenegong tsotlhe tsa bone tse ba nteofetseng ka tsona, ke ba itshekisa. Ba tla nna morafe wa me; nna ke nne Modimo wa bone. Dafita, motlhanka wa me, o tla nna kgosi ya bone; botlhe ba tla nna le Modisa a le mongwe. Ba tla sepela ka fa ditshiamong tsa me, ba tshegetsa melao ya me, ba e dirisa. Ba tla nna mo lefatsheng le ke le neileng Jakobe, motlhanka wa me, le borraabo ba neng ba nna mo go lone. Ba tla nna mo go lone le bana ba bone le bana ba bana ba bone ka bosakhutleng. Dafita, motlhanka wa me, o tla nna kgosi ya bone ka go sa feleng. Ke tla dira kgolagano ya kagiso nabo. E tla nna kgolagano e e sa feleng. Ke tla ba tshegofatsa, ke ba atisa, ke baya Felo ga me fa go Boitshepo mo gare ga bone ka bosakhutleng. Boago jwa me bo tla nna mo go bone. Ke tla nna Modimo wa bone, bone ba nne morafe wa me. Ke gona ditšhaba di tla lemogang gore ke nna Morena ke itshepisang Iseraele, fa Felo ga me fa go Boitshepo go le mo go bone ka bosakhutleng.’ ” Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa go Gogo, lefatsheng la Magogo, yo e leng kgosi ya Roše le Mesege le Thubale, ò mo rerele, ò mo kgalemele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Gogo, kgosi ya Roše le Mesege le Thubale. Ke tla go golega, ke tsenya marapo mo metlhagareng ya gago, ke go bolotsa le mephato yotlhe ya gago, le dipitse le bapalami ba tsona, ba apere sentle botlhe, e le bontsi jo bogolo, ba na le dithebe le dithejana, ba tshotse ditšhaka botlhe; ba na le ba Peresia le ba Ethiopia le ba Phute; botlhe ba na le dithebe le dikuane tsa ntwa, le Gomere le mephato yotlhe ya gagwe, le ba losika lwa ga Thogarama ba ba kwa mafelelelong a bokone le mephato yotlhe ya gagwe. Ke merafe e mentsi e e nang nao. Iketleetse, ò ipaakanye, wena le bontsi jotlhe jo bo kgobokanetseng kwa go wena; ò nne molaodi wa bone. E tla re malatsi a mantsi a sena go feta, ò bolodiwe. Ka bofelo jwa dinyaga ò tla tsena mo lefatsheng le le falotseng gape mo tšhakeng kwa morafeng o o phuthilweng mo merafeng e mentsi, wa boela kwa dithabeng tsa Iseraele tse di neng di sa bolo go fetoga sekaka. O ntshitswe kwa merafeng; jaanong ba agile botlhe ba iketlile. O tla bolola jaaka ledimo, ò atamela jaaka leru le le dumang, ò tla saila mo lefatsheng, wena le mephato yotlhe ya gago le merafe e mentsi e e nang nao.’ “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E tla re ka letsatsi leo megopolo e tswe mo pelong ya gago; ò tla akanya dikakanyo tse di bosula ò re: “Ke tla bololela lefatshe le le sa agelelwang, ke fitlha kwa go ba ba iketlileng, ba ba agileng mo thagamong; ba ba agileng botlhe, ba se na lobota, ba se na phemelo, le fa e le dikgoro, gore ò thope dithoto, ò thukhuthe dilo, ò ise letsogo kwa morafeng o o phuthilweng kwa ditšhabeng o o itirelang diruiwa le khumo, o o agileng mo gare ga mpa ya lefatshe.” Ba Šeba le ba Detane le barekisi ba bone le ba Tharesise le bagale ba bone ba tla go botsa ba re: “A ò tlile go thopa dithoto? A ò kgobokantse bontsi jwa gago go thukhutha dilo le go tsaya selefera le gouta le go thopa diruiwa le khumo le go thopa thopo e kgolo?” ’ “Ka moo, wena morwa-motho, rera ò ree Gogo ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ruri, e tla re ka sebaka seo, fa Iseraele, morafe wa me, a ntse a iketlile, ò bolole, ò tle ò tswe kwa felong ga gago kwa mafelelelong a bokone, wena le merafe e mentsi e na nao; botlhe ba palame dipitse. Ke bontsi jo bogolo, ke mephato e mentsi. O tla bololela Iseraele, morafe wa me, go khurumetsa lefatshe jaaka leru. E tla re ka bofelo jwa malatsi ke go bololetse kwa lefatsheng la me gore ditšhaba di tle di nkitse, mogang ke itshupang mo go wena Gogo, ke le yo o boitshepo fa pele ga matlho a tsona.’ Morena Modimo o bua jaana o a re: A ga ke re, ke wena yo ke buileng ka ga gago mo metlheng ya bogologolo ka batlhanka ba me, baporofeti ba Iseraele, ba ba neng ba bolelela pele ka dingwagangwaga tsele ba re: ‘Ke tla go ba bololetsa’? “Morena Modimo o bua a re: ‘E tla re ka letsatsi leo le Gogo a tlang ka lone go tlhasela naga ya Iseraele, kgalefo ya me e tuke mo teng ga me. Ke buile ka lefufa le ka go tuka bogale ka re: Ruri, ka letsatsi leo go tla nna thoromo e kgolo ya lefatshe mo nageng ya Iseraele. Jaanong fa pele ga me go tla roroma ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa loapi le diphologolo tsa naga le digagabi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe le batho botlhe ba ba mo lefatsheng. Dithaba di tla menolwa, makgotlho a tla wa, dipota tsotlhe di tla wela fa fatshe. Ke tla mmiletsa tšhaka kwa dithabeng tsotlhe tsa me,’ go bua Morena Modimo. ‘Ba tla bolayana ka ditšhaka. Ke tla mmetsa ka leroborobo le ka tshololo ya madi; ke tla nesetsa pula e e gogolang le matlapa a sefako le molelo le sebabole mo go ene le mo mephatong ya gagwe le mo merafeng e mentsi e e nang nae. Ke tla itshupa ke le mogolo, ke le boitshepo; ke tla ikitsise fa pele ga matlho a ditšhaba tse dintsi gore di tle di lemoge, fa ke le Morena.’ “Wena morwa-motho, rerela Gogo, mmolelele petso pele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Gogo, kgosi ya Roše le Mesege le Thubale. Ke tla go oka, ke go goga, ke go bolotsa kwa mafelelelong a bokone, ke go isa kwa dithabeng tsa Iseraele. Ke tla phaila bora jwa gago mo seatleng sa gago sa molema; ke diga metsu ya gago mo seatleng sa gago se se jang. O tla wa mo dithabeng tsa Iseraele, wena le mephato yotlhe ya gago le merafe e e nang nao. Ke tla go dira dijo tsa dinonyane tse di mefutafuta tse di gagolang le tsa dibata tsa naga. O tla namalala mo nageng, gonne ke buile jalo,’ go bua Morena Modimo. ‘Ke tla latlhela molelo kwa go Magogo le kwa go ba ba agileng fa lewatleng ba iketlile gore ba itse, fa ke le Morena. Leina la me le le boitshepo ke tla le itsise mo morafeng wa me wa Iseraele, ke sa tlhole ke leseletsa leina la me le le boitshepo go itshepololwa. Ditšhaba di tla itse jalo, fa ke le Morena yo o boitshepo mo go Iseraele. “ ‘Bonang, go e tla, go a dirafala,’ go bua Morena Modimo. ‘Ke lone letsatsi le ke buileng ka ga lone. Baagi ba metse ya Iseraele ba tla tswela kwa ntle, ba gotsa molelo, ba o sotetsa ka dibolai ka thejana le thebe le bora le metsu le molamu le lerumo. Ba tla besa molelo ka tsona sebaka sa dinyaga di supa. Ga ba nke ba rwalela dikgong mo nageng le e seng go di rema mo dikgweng; gonne ba tla gotsa molelo ka dibolai. Ba tla thopa tsa bathopi ba bone, ba thukhutha tsa bathukhuthi ba bone,’ go bua Morena Modimo. “ ‘E tla re ka letsatsi leo ke neele Gogo felo ga mabitla mo lefatsheng la Iseraele, e leng mogorogoro wa baeti ntlheng ya botlhabatsatsi ya lewatle la letswai; mabitla a tla thibela baeti. Gogo le bontsi jotlhe jwa gagwe ba tla fitlhwa teng, go bidiwa “Mogorogoro wa makoko a ga Gogo”. Baiseraele ba tla nna ba ba fitlha dikgwedi tse supa gore ba itshekise lefatshe. Batho botlhe ba lefatshe leo ba tla ba fitlha. E tla nna tlotlo mo go bone Baiseraele ka letsatsi le ke tla ikgalaletsang ka lone,’ go bua Morena Modimo. ‘Go tla tlhophiwa banna ba ba tla nnang ba ralala naga, ba fitlha ba ba sa ntseng ba namaletse mo nageng go e itshekisa. Ba tla batla ditoto, fa dikgwedi di supa di sena go feta. Jaanong baraladi bao ba tla ralala lefatshe, mme fa mongwe a bona marapo a motho, o tla tlhoma sesupo fa go ona, go tsamaya bafitlhi ba mo fitlhe kwa “Mogorogorong wa makoko a ga Gogo”. E bile “Makoko” e tla nna leina la motse mongwe. Ba tla itshekisa lefatshe jalo.’ “Wena morwa-motho, Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Raya dinonyane tsa mefutafuta le dibata tsa naga ò re: Phuthegang, lo tle, tswayang mo ntlheng tsotlhe, lo kgobokanele setlhabelo sa me se ke se lo tlhabelang. Ke setlhabelo se segolo mo dithabeng tsa Iseraele; jaang nama, lo nwe madi! Jaang nama ya bagale, lo nwe madi a dikgosi tsa lefatshe. Botlhe ke diphelehu le dikwana le diphoko le dipoo tse di nonneng tsa kwa Basane. Lo tla ja mafura lo kgora; lo tla nwa madi lo tlhapelwa, e le tsa setlhabelo sa me se ke se lo tlhabetseng. Lo tla kgora dipitse le bapalami le bagale le batlhabani ba mefutafuta mo lojelong lwa me,’ go bua Morena Modimo. “Ke tla bonatsa kgalalelo ya me mo ditšhabeng; ditšhaba tsotlhe di tla bona katlholo ya me e ke e dirafaditseng le letsogo la me le ke le beileng mo go ba Gogo. Mme Baiseraele ba tla lemoga, fa ke le Morena, Modimo wa bone, go tloga ka letsatsi leo go ya kwa pele. Ditšhaba tsona di tla lemoga gore Baiseraele ba isitswe mo botshwarong ka ntlha ya maleo a bone fela. E re ka ba ikepile mo go nna, ka ba iphitlhela, ka ba neela mo thateng ya baba ba bone, ba wa ka tšhaka botlhe. Ke ba diretse tse di tshwanetseng boitshekologo jwa bone le ditlolo tsa bone, ka ba fitlhela sefatlhego sa me. “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Jaanong ke tla fetola tatlhego ya ga Jakobe, ke tlhomogela Baiseraele botlhe pelo, ke emela leina la me le le boitshepo ka lefufa. E tla re ba ntse gape mo nageng ya bone ba iketlile, go se na yo o ba tshosang, ba lebale kgobo ya bone le boikanyologo jotlhe jwa bone jo ba ikepileng mo go nna ka jona. E tla re ke ba busa mo merafeng, ke ba phutha, ke ba ntsha mo mafatsheng a baba ba bone, ke itshupe mo go bone ke le boitshepo fa pele ga matlho a ditšhaba tse dintsi. Baiseraele ba tla itse, fa ke le Morena, Modimo wa bone, ka tiro ya me ya go ba isa mo botshwarong kwa ditšhabeng le ka go ba phuthela gape mo nageng ya bone, ke sa tlhole ke sadisa ope wa bone teng. Le gona ga nkitla ke tlhola ke ba fitlhela sefatlhego sa me, gonne ke goromeleditse Mowa wa me mo Baiseraeleng,’ go bua Morena Modimo.” E rile ka ngwaga wa 25 wa botshwaro jwa rona – e le ngwaga wa 14 go tloga ka go thopiwa ga motse – ka kgwedi ya ntlha, ka letsatsi la lesome, seatla sa Morena sa nna mo go nna, a nkisa teng; a nkisa kwa lefatsheng la Iseraele ke le mo diponong tsa Modimo, a mpaya mo thabeng e kgolo thata. Mo go yona e kete go ne go agilwe motse mo ntlheng ya borwa. Ya re a sena go mphitlhisa gona, ka bona monna yo ponalo ya gagwe e keteng ke ya kgotlho, a tshotse mogala le lotlhaka lo lo lekanyang, a eme mo kgorong. Monna yoo a nthaya a re: “Morwa-motho, tse ke tla di go bontshang, di bone ka matlho, di utlwe ka ditsebe, ò di ele tlhoko tsotlhe. Gonne ò tliseditswe kwano gore ò di bontshiwe. Tsotlhe tse ò di bonang, di itsise Baiseraele.” Jaanong ka bona ka kwa ntle ga Ntlo ya Modimo go le lobota mo tikologong yotlhe. Lotlhaka lo lo lekanyang, lo monna yole a lo tshotseng ka seatla, boleele jwa lone e ne e le mabogo a marataro – letsogo le okeleditswe bophara jwa seatla. Jaanong a lekanya boatlhamo jwa kago eo ya lobota, bo lekana le lotlhaka, le bogodimo bo lekana le lotlhaka. A fitlha kwa kgorong e e lebileng kwa botlhabatsatsi, a tlhatloga ka mapalamo a yona, a lekanya serepodi sa kgoro, boatlhamo bo lekana le lotlhaka, le serepodi se sengwe, boatlhamo bo lekana le lotlhaka; le ntlwana nngwe le nngwe ya badisa, boleele bo lekana le lotlhaka, le boatlhamo bo lekana le lotlhaka; le leotwana la lobota le le mo gare ga matlwana le le mabogo a matlhano; le serepodi sa kgoro se se fa thoko ga leobo la kgoro le le lebileng kwa Ntlong se lekana le lotlhaka. A ba a lekanya leobo la kgoro le le lebileng kwa Ntlong le lekana le lotlhaka; a lekanya leobo la kgoro, ya nna mabogo a a robedi, le maotwana a lone ya nna mabogo a mabedi. Mme leobo la kgoro le ne le le ka fa teng ga lobota. Matlwana a kgoro e e lebileng kwa botlhabatsatsi a ne a le mararo ka ntlha e; a na le selekanyo se le sengwe fela ka boraro jwa ona; le maotwana a lobota a na le selekanyo se le sengwe fela ka ntlha e le ka ntlha e. Morago ga moo a lekanya boatlhamo jwa botseno jwa kgoro, ya nna mabogo a le some, le boleele jwa kgoro ya nna mabogo a le 13. Fa pele ga matlwana go ne go le sebaka sa letsogo ka ntlha e, le sebaka sa letsogo ka ntlha e; ntlwana e le mabogo a marataro ka ntlha e, le mabogo a marataro ka ntlha e. A ba a lekanya boatlhamo jwa kgoro, a simolola fa thulelong ya ntlwana ka ntlha e go ya kwa thulelong ya ntlwana e nngwe ka ntlha e, ya nna mabogo a le 25. Mejako e lebaganye. A ba a lekanya leobo, le le mabogo a le 20, e bong leobo la kgoro ya lelapa mo tikologong yotlhe. Go tloga ka fa ntle ga kgoro go ya le leobo go fitlha fa le felelang teng e ne e le mabogo a le 50. Kgoro e ne e na le difenstere mo tikologong tse di thibilweng ka dithupa; di ne di le mo matlwaneng le mo maotwaneng, di lebile kwa teng ga lelapa; le leobo le ne le na le difenstere jalo mo tikologong, le tsona di lebile kwa teng ga lelapa. Mo maotwaneng go ne go tshwantshitswe mekolane. A ba a nkisa mo lapeng la ka fa ntle, ka fitlhela lelapa leo le diretswe matlwana, le adilwe matlapa a a mebalabala mo tikologong yotlhe; matlwana a ne a le 30 fa matlapa a adilweng teng. Boalo jwa matlapa bo ne bo le fa ditlhakoreng tsa dikgoro, bo lekana le boleele jwa dikago tsa dikgoro, e bong boalo jwa matlapa jo bo kwa tlase. A ba a lekanya boatlhamo jwa lelapa go tloga ka fa ntle ga kgoro e e kwa tlase go fitlha ka fa ntle ga lelapa la ka fa teng, ya nna mabogo a le lekgolo kwa botlhabatsatsi le kwa bokone. A ba a lekanya boleele jwa kgoro ya lelapa la ka fa ntle e e lebileng kwa bokone le boatlhamo jwa yona. Matlwana a yona a badisa a ne a le mararo ka fa le mararo ka fa. Selekanyo sa maotwana a yona le sa leobo la yona se tshwana le sa kgoro ya ntlha: Boleele jwa yona e le mabogo a le 50, boatlhamo jwa yona e le mabogo a le 25. Difenstere tsa yona le leobo la yona le mekolane ya yona di ne di lekana le tsa kgoro e e lebileng kwa botlhabatsatsi. Go ne go tsenwa mo go yona ka mapalamo a supa. Leobo la yona le ne le le ka fa teng ga yona. Lelapa la ka fa teng le ne le na le kgoro e e lebaganyeng le kgoro e e lebileng kwa bokone fela jaaka kgoro e e lebileng kwa botlhabatsatsi. A ba a lekanya go tswa kgorong go ya kgorong, e le mabogo a le lekgolo. A ba a nkisa ntlheng ya borwa, ka fitlhela kgoro teng e e lebileng kwa borwa. A lekanya matlwana a yona le maotwana a yona le leobo la yona, di lekana fela le tsele. Le gona e ne e na le difenstere fela jaaka leobo la yona mo tikologong yotlhe tse di tshwanang le difenstere tsele. Boleele e ne e le mabogo a le 50, boatlhamo e le mabogo a le 25. Go tsenwa mo go yona ka mapalamo a supa; leobo la yona le le ka fa teng ga yona. Le gona e ne e na le mekolane mo maotwaneng a yona, mongwe ka fa le o mongwe ka fa. Lelapa la ka fa teng le lone le ne le na le kgoro e e lebileng kwa borwa. Jaanong a lekanya go tswa kgorong go ya kgorong tse di lebileng kwa borwa, e le mabogo a le lekgolo. Jaanong a nkisa kwa lapeng la ka fa teng ka kgoro ya borwa, a ba a lekanya kgoro eo ya borwa, a fitlhela e lekana le tsele. Matlwana a badisa a yona le maotwana a yona le leobo la yona di ne di lekana le tsele. Le gona e ne e na le difenstere fela jaaka leobo mo tikologong yotlhe. Boleele e le mabogo a le 50, boatlhamo e le mabogo a le 25. Go ne go le maobo mo tikologong yotlhe; boleele e le mabogo a le 25, boatlhamo e le mabogo a matlhano. Mme leobo la yona le ne le lebile kwa lapeng la ka fa ntle. Mekolane e ne e le mo maotwaneng a yona. Go tsenwa mo go yona ka mapalamo a a robedi. A ba a nkisa kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya lelapa la ka fa teng, a lekanya kgoro eo, a fitlhela e lekana le tsele. Matlwana a yona le maotwana a yona le leobo la yona di ne di tshwana le tsele. E ne e na le difenstere fela jaaka leobo la yona mo tikologong yotlhe; boleele e le mabogo a le 50, boatlhamo e le mabogo a le 25. Leobo la yona le ne le lebile kwa lapeng la ka fa ntle. Mekolane e ne e le mo maotwaneng a yona ka fa le ka fa. Go tsenwa mo go yona ka mapalamo a a robedi. A ba a nkisa kwa kgorong ya bokone, a e lekanya, a fitlhela e lekana le tsele. Matlwana a yona le maotwana a yona le leobo la yona di ne di lekana le tsele. E ne e na le difenstere mo tikologong yotlhe; boleele e le mabogo a le 50, boatlhamo e le mabogo a le 25. Leobo la yona le ne le lebile kwa lapeng la ka fa ntle. Mekolane e ne e le mo maotwaneng a yona, mo ditlhakoreng tsa yona. Go tsenwa mo go yona ka mapalamo a a robedi. Go ne go le ntlwana e e nang le setswalo sa yona fa maotwaneng a dikgoro. Ke fa ba neng ba tlhatswa ditlhabelo teng tse di fisiwang. Mo leobong la kgoro go ne go le dipati tsa mojelo di le pedi ka fa, le di le pedi ka fa, tse mo go tsona go tlhabelwang ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa boleo le ditlhabelo tsa molato. Le ka fa ntle ga lotlhakore lwa leobo, mo ntlheng ya bokone fa go tsenwang teng mo kgorong go ne go le dipati di le pedi; le fa lotlhakoreng lo longwe lwa leobo la kgoro go le dipati di le pedi. Go ne go le dipati di le nne mo ntlheng nngwe ya mojako wa kgoro, le dipati di le nne gape mo ntlheng e nngwe, e le dipati tse di le robedi le mmogo, tse ba neng ba tlhabela mo go tsona. Le gona go ne go le dipati di le nne tsa setlhabelo se se fisiwang, e le tsa majwe a a betlilweng; boleele bo lekana le letsogo le bontlhanngwe jwa lone; boatlhamo bo lekana le letsogo le bontlhanngwe jwa lone; bogodimo bo lekana le letsogo. Didiri tse ba neng ba tlhaba setlhabelo se se fisiwang le setlhabelo se se jewang ka tsona, ba di baya mo go tsona. Dipati di ne di na le ditshegetso tse di kana ka bophara jwa seatla, di sekametse kwa teng mo tikologong yotlhe. Nama ya ditlhabelo e ne e le mo godimo ga dipati. A ba a nkisa kwa lapeng la ka fa teng, ka fitlhela go le matlwana a le mabedi mo lapeng la ka fa teng: Ntlwana nngwe e le fa lotlhakoreng lwa kgoro ya bokone, e lebile kwa borwa; e nngwe e le fa lotlhakoreng lwa kgoro ya borwa, e lebile kwa bokone. Ke fa a nthaya a re: “Ntlwana e, e e lebileng kwa borwa ke ya baperesiti ba ba tlhokomelang tirelo ya Ntlo. Mme ntlwana e e lebileng kwa bokone ke ya baperesiti ba ba tlhokomelang aletare. Ke bone bomorwa Satoke fela mo go bomorwa Lefi ba ba ka atamelang Morena go mo direla.” Jaanong a lekanya lelapa la ka fa teng, boleele e le mabogo a le lekgolo, le boatlhamo e le mabogo a le lekgolo. Ditlhakore tse nne di ne di lekalekana. Aletare e ne e le fa pele ga Ntlo. A ba a nkisa kwa mathuding a Ntlo, a lekanya maotwana a ona, bokima e le mabogo a matlhano ka fa, le mabogo a matlhano ka fa. Boatlhamo jwa mojako e le mabogo a le 14; jwa dipota tsa ditlhakore tsa mojako e le mabogo a le mararo ka fa le mabogo a le mararo ka fa. Boleele jwa mathudi e ne e le mabogo a le 20, boatlhamo e le mabogo a le 12. Go palangwa kwa go ona ka mapalamo a le some. Jaanong fa thoko ga maotwana go ne go le maotwana a magolo a mokgabo, lengwe ka fa, le lengwe ka fa. A ba a nkisa mo teng ga Tempele, a lekanya maotwana; bokima jwa ona e le mabogo a marataro ka fa, le mabogo a marataro ka fa. Boatlhamo jwa botseno e ne e le mabogo a le some; jwa dipota tsa ditlhakore e le mabogo a le matlhano ka fa le mabogo a le matlhano ka fa. Le gona a lekanya boleele jwa Felo-ga-Boitshepo, e le mabogo a le 40; boatlhamo jona e le mabogo a le 20. A ba a tsena kwa tengteng, a lekanya lobota, bokima jwa lone e le mabogo a mabedi, le botseno bo le mabogo a marataro, le boatlhamo jwa dipota tsa ditlhakore tsa botseno e le mabogo a supa ka fa le mabogo a supa ka fa. A ba a lekanya boleele jwa gona, e le mabogo a le 20, le boatlhamo e le mabogo a le 20, fa go lebileng kwa Tempeleng. A ba a nthaya a re: “Gona fa ke Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo.” A ba a lekanya bokima jwa lobota lwa Ntlo, e le mabogo a marataro, le boatlhamo jwa matlwana a a fa loboteng ka fa ntle mo tikologong yotlhe ya Ntlo, e le mabogo a mane. Matlwana ao a ne a tlhatlaganye a le mararo, ga masome a mararo. Lobota lwa Ntlo lo ne lo na le dipota tsa koketso tse di rweleng matlwana mo tikologong yotlhe gore a tshegediwe, mme e seng ka lobota lwa Ntlo. Matlwana a a mo gare a feta a a kwa tlase, a a kwa godimo a feta a a mo gare ka boatlhamo go lekana le go atamela lobota lwa Ntlo mo tikologong yotlhe ya Tempele. Go tswa matlwaneng a a kwa tlase go ne go tlhatlogelwa kwa go a a mo gare ka mapalamo; go tswa matlwaneng a a mo gare go ne go tlhatlogelwa kwa go a a kwa godimo. Ka bona mokatako wa matlapa o le mo tikologong yotlhe ya Ntlo. Bogodimo jwa metheo ya matlwana ao e ne e le selekanyo sa lotlhaka, e leng mabogo a marataro. Bokima jwa lobota lwa matlwana ka fa ntle e ne e le mabogo a le matlhano. Go ne go sadisiwa lobala fa thoko ga matlwana a a mo ditlhakoreng tsa Tempele. Boatlhamo jwa lobala lo lo fa gare ga matlwana a a fa Tempeleng le a fa molelwaneng wa lelapa la ka fa teng e ne e le mabogo a le 20 mo tikologong yotlhe ya Ntlo. Mejako ya matlwana a a fa ditlhakoreng tsa Tempele e isa kwa lebaleng le le sadisitsweng; mojako o mongwe o lebile kwa bokone, mojako o mongwe o lebile kwa borwa; boatlhamo jwa lebala le le sadisitsweng e ne e le mabogo a le matlhano mo tikologong yotlhe. Moago o mongwe o o neng o le ka fa ntle ga lebala le le ageletsweng ka lobotana o ne o le mo ntlheng ya bophirimatsatsi mo lapeng la ka fa ntle go fitlha molelwaneng wa lone; boatlhamo jwa ona e le mabogo a le 70; bokima jwa lobota lwa ona e le mabogo a le matlhano mo tikologong yotlhe ya ona; boleele jwa ona e le mabogo a le 90. Jaanong a lekanya Tempele, boleele e le mabogo a le lekgolo. Le boleele jwa lebala le le ageletsweng ka lobotana le jwa moago wa ka fa ntle ga lone le jwa dipota tsa ona e ne e le mabogo a le lekgolo. Boatlhamo jwa sefatlhego sa Ntlo le jwa lebala le le ageletsweng ka lobotana mo ntlheng ya botlhabatsatsi le jona e ne e le mabogo a le lekgolo. A ba a lekanya boleele jwa moago o o ka fa ntle ga lebala le le ageletsweng ka lobotana ka fa morago ga ona le jwa diferwana tse di kwa godimo ka fa le ka fa, e le mabogo a le lekgolo. Mme Felo-ga-Boitshepo ga Tempele le ga Boitshepo-jwa-Maitshepo le mathudi a yona ka fa ntle di ne di manegilwe dipati mo dipoteng, di na le difenstere tse di thibilweng ka dithupa le diferwana tse di kwa godimo mo tikologong yotlhe ka boraro jwa tsona. Ka mo teng dipota di ne di manegilwe dipati tsa logong mo ntlheng tsotlhe. Go tloga fa fatshe go fitlha fa difenstereng le go tloga fa ditlhakoreng tsa botseno go fitlha kwa Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le ka fa ntle mo mathuding go ne go le ditshwantsho mo loboteng lotlhe tikologong ka mo teng le ka fa ntle; go tshwantshitswe boKerubime le ditlhare tsa mekolane. Mokolane o ne o le fa gare ga boKerubime ba la babedi. Kerubime mongwe le mongwe o ne a na le difatlhego tse pedi: Sefatlhego sa motho se ne se lebile mokolane ka fa; sefatlhego sa tau se lebile mokolane ka ntlha e nngwe. Di ne di tshwantshitswe jalo mo Tempeleng yotlhe mo tikologong yotlhe. BoKerubime le mekolane di ne di tshwantshitswe mo loboteng lwa Tempele go tloga fa fatshe go fitlha mo godimo ga mojako. Mepakwana ya mejako ya Tempele e ne e na le ditlhakore tse di lekalekanang. Fa pele ga Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo go ne go beilwe selo se se tshwanang le aletare ya logong. Bogodimo jwa yona e le mabogo a mararo; boleele jwa yona e le mabogo a mabedi; boatlhamo jwa yona e le mabogo a mabedi. E ne e na le dikhutlo. Maoto a yona le ditlhakore tsa yona e ne e le tsa logong. Ke fa a nthaya a re: “Ke lone lobati lo lo fa pele ga Morena.” Tempele e ne e na le ditswalo di le pedi; le Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo go na le ditswalo di le pedi. Ditswalo tseo di ne di na le mefama e mebedi; mhama o mongwe o na le dipati tse pedi tse di bulegelang ka ntlha tsotlhe; mhama o mongwe le ona o na le dipati tse pedi tse di bulegelang ka ntlha tsotlhe. Mo ditswalong tsa Tempele go ne go tshwantshitswe boKerubime le mekolane jaaka di dirilwe mo dipoteng. Fa pele ga mathudi ka fa ntle go dirilwe moriti ka thulelo ya dipati tsa logong. Difenstere tse di thibilweng ka dithupa le mekolane di ne di le mo ditlhakoreng tsa mathudi ka fa le ka fa le mo matlwaneng a a ka fa Tempeleng le mo mathudinyaneng. Jaanong a nntshetsa kwa lapeng la ka fa teng ntlheng ya bokone, a nkisa kwa matlwaneng a a bapileng le lebala le le ageletsweng ka lobotana, le a a bapileng le moago ole ka fa bokone. Boleele jwa matlwana ao ntlheng ya bokone e ne e le mabogo a le lekgolo, boatlhamo e le mabogo a le 50. Go lebagana le matlwana a le 20, a a mo lapeng la ka fa teng, le go lebagana le boalo jwa matlapa jo bo mo lapeng la ka fa ntle, diferwana di ne di bapile, di bile di tlhatlaganye di le tharo. Fa pele ga matlwana ao go ne go le tsela ka fa teng; boatlhamo jwa yona e le mabogo a le some; boleele jwa yona e le mabogo a le lekgolo. Mejako ya ona e lebile kwa bokone. Matlwana a a kwa godimo a ne a dirilwe mabotlana, ka diferwana di a tseetse manno; a fetwa ke matlwana a kago a a kwa tlase le a a mo gare ka bogolo. Gonne a ne a tlhatlaganye a le mararo, a se na maotwana a a tshwanang le maotwana a lelapa la ka fa ntle. Ka moo go nathilwe manno a diferwana mo matlwaneng a a mo gare le mo go a a kwa godimo. Le gona go ne go le lobota lo lo bapileng le matlwana ao ka fa ntle ga ona, lo tsamaya lo bapile le molelwane wa lelapa la ka fa ntle. Fa lo lebaganyeng le matlwana ao teng, boleele jwa lone e ne e le mabogo a le 50. Gonne boleele jwa matlwana a a bapileng le lelapa la ka fa ntle e ne e le mabogo a le 50, mme jwa ona a a ka fa Tempeleng e le mabogo a le lekgolo. Go tlhatlogelwa kwa matlwaneng ao ka botseno jo bo mo ntlheng ya botlhabatsatsi, fa motho a tsena mo go ona a tswa kwa lapeng la ka fa ntle fa tshimologong ya lobota lwa lelapa. A ba a nkisa kwa ntlheng ya borwa. Le teng go ne go le matlwana fa go lebaganyeng le lebala le le ageletsweng ka lobotana ka fa, le fa go lebaganyeng le moago ka fa. Go ne go le tsela fa pele ga ona; matlwana a ne a tshwana le a a mo ntlheng ya bokone, a tshwana nao ka boleele le ka boatlhamo le ka matso le ka dithulaganyo. Mejako ya ale le yona e tshwana le mejako ya matlwana ano a a mo ntlheng ya borwa. Go ne go le botseno mo tshimologong ya tsela, e leng tsela e e bapileng le lobota lo lo tshwanang le lola lwa kwa bokone, fa motho a tla ka yona a tsena mo go ona matlwana. Ke fa a nthaya a re: “Matlwana a a mo ntlheng ya bokone le matlwana a a mo ntlheng ya borwa, a a ka fa ntle ga lebala le le ageletsweng ka lobotana, ona ke matlwana a a boitshepo kwa baperesiti ba ba atamelang Morena ba jelang gona, ba ja tse di boitshepotshepo. Ba tla baya tse di boitshepotshepo teng le ditshupelo le ditlhabelo tsa boleo le ditlhabelo tsa molato, gonne ke felo fa go boitshepo. Fa baperesiti ba sena go tsena mo Tempeleng e e Boitshepo, ga ba a tshwanela go tswela kwa lapeng la ka fa ntle. Diaparo tse ba dirileng tirelo ka tsona a ba di apole teng mo matlwaneng, gonne di boitshepo, ba apare diaparo tse dingwe; morago ga moo ba ka tswela kwa ntle kwa bathong.” Jaanong ya re a sena go fetsa go lekanya Tempele e e mo gare, a nntshetsa kwa ntle ka kgoro e e lebileng kwa botlhabatsatsi, a lekanya tikologo yotlhe ya setsha. A lekanya lotlhakore lwa botlhabatsatsi ka lotlhaka lo lo lekanyang, ya nna mabogo a makgolo a matlhano ka lotlhaka lo lo lekanyang. Jaanong a lekanya lotlhakore lwa bokone, ya nna mabogo a makgolo a matlhano ka lotlhaka lo lo lekanyang. A ba a ya kwa ntlheng ya bophirimatsatsi a lekanya teng, ya nna mabogo a makgolo a matlhano ka lotlhaka lo lo lekanyang. A ba a ya kwa ntlheng ya borwa a lekanya teng, ya nna mabogo a makgolo a matlhano ka lotlhaka lo lo lekanyang. A lekanya ditlhakore tse nne. Lobota lo ne lo le mo tikologong yotlhe, e le lo lo lomologanyang tse di boitshepo le tse e leng tsa batho fela. Boleele jwa lone e le mabogo a makgolo a matlhano, le bophara e le mabogo a makgolo a matlhano. A ba nkisa kwa kgorong e e lebileng kwa botlhabatsatsi. Ka bona kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e tla e tswa kwa botlhabatsatsi, e suma jaaka go suma metsi a mantsi. Lefatshe la galalela ka kgalalelo ya ona. Pono e ke neng ka e bona e tshwana le pono e nkileng ka e bona, fa Modimo o tla go senya motse; e tshwana le pono e nkileng ka e bona kwa nokeng ya Kebare; ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego. Kgalalelo ya Morena ya tsena mo Ntlong ka kgoro e e lebileng kwa botlhabatsatsi. Ke fa Mowa o ntsholetsa, o nkisa kwa lapeng la ka fa teng, ka fitlhela Ntlo e tletse kgalalelo ya Morena. Ka utlwa mongwe a bua le nna a le mo Ntlong, monna yole a ntse a eme fa go nna, a nthaya a re: “Morwa-motho, fano ke felo ga sedulo sa bogosi sa me, ke felo ga pato ya dinao tsa me, fa ke tla nnang teng mo gare ga Baiseraele ka bosakhutleng. Baiseraele ga ba kitla ba tlhola ba itshekolola leina le le boitshepo la me, le e seng dikgosi tsa bone, ka boaka jwa bone le ka ditoto tsa dikgosi tsa bone le ka dithota tsa tlhabelo tsa bone. Kana ba dirile jalo ka go bapisa serepodi sa bone le serepodi sa me le sesana sa mojako sa bone le sa me, go le lobota fela fa gare ga me le bone. Ba ne ba itshekolola leina le le boitshepo la me ka makgapha a bone a ba a dirileng, mo ke bileng ka ba nyeletsa ka bogale jwa me. Mme jaanong ba tla tlosa boaka jwa bone le ditoto tsa dikgosi tsa bone fa pele ga me, mme ke tla nna mo gare ga bone ka bosakhutleng. “Mme wena morwa-motho, begela Baiseraele Ntlo eo, o e ba tlhalosetse gore ba tlhajwe ke ditlhong ka ntlha ya melato ya bone. A ba lekanye setshwantsho sa yona. Jaanong fa ba tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya tsotlhe tse ba di dirileng, o tshwantshe Tempele le thulaganyo ya yona le matso a yona le matseno a yona le popego yotlhe ya yona. Ba itsise melao yotlhe ya yona le dithulaganyo tsotlhe tsa yona, o di thale fa pele ga matlho a bone gore ba tshegetse dithulaganyo tsa yona le melao yotlhe ya yona ka boikanyo. Molao wa Ntlo ke o: A e nne mo godimo ga thaba, mme naga yotlhe ya teng mo tikologong yotlhe e nne boitshepotshepo. Bonang, ke ona molao wa Ntlo.” Dilekanyo tsa aletare ka mabogo e ne e le tse – go tewa letsogo le e leng letsogo le le lengwe le bophara jwa seatla: Bogodimo jwa motheo wa yona bo lekana le letsogo, le boatlhamo jwa ona bo lekana le letsogo. Mo ntlheng tsotlhe tsa ona go ne go le ditshegetso; bogodimo jwa tsona e le boatlhamo jwa seatla. Bogodimo jwa aletare ke jo: Go tloga motheong o o fa fatshe go fitlha mo godimo ga serepodi se se fa gare e le mabogo a mabedi, boatlhamo jwa sona bo lekana le letsogo; go tloga mo go sona serepodi se se fa gare go fitlha mo godimo ga serepodi se se kwa godimo e le mabogo a mane, boatlhamo bo lekana le letsogo. Bogodimo jwa leiso la Modimo e le mabogo a le mane go tloga serepoding seo; dinaka tse nne di ne di tlhomilwe mo dikhutlong tsa leiso la Modimo, di lebile kwa godimo. Leiso la Modimo, boleele jwa lone e le mabogo a le 12, le boatlhamo jwa lone e le mabogo a le 12. Le ne le na le ditlhakore tse nne tse di lekalekanang. Boleele jwa serepodi se se kwa godimo e le mabogo a le 14, le boatlhamo jwa sona e le mabogo a le 14 mo ditlhakoreng tse nne tsa sona. Lobotanyana lo lo le dikanyetsang lo le bontlhanngwe jwa letsogo; motheo wa aletare o le letsogo le le lengwe mo tikologong. Mapalamo a yona a ne a lebile kwa botlhabatsatsi. A ba a nthaya a re: “Morwa-motho, Morena Modimo o bua jaana wa re: ‘Melao ya aletare, fa e sena go agiwa gore ba bee ditlhabelo tse di fisiwang mo go yona le go e kgatsha ka madi ke e: Baperesiti ba Balefi ba e leng ba losika lwa ga Satoke, ba ba atamelang kwa go nna gore ba ntirele, o ba neele poana e nana go nna setlhabelo sa boleo. Morena Modimo o buile jalo. O be ò tsee madi mangwe a yona, o a tshase mo dinakeng tse nne le mo dikhutlong tse nne tsa direpodi le mo lobotanyaneng lo lo mo tikologong; ò e tlhapise boleo, ò e ruanye jalo. O be ò tsee poana eo ya setlhabelo sa boleo, ò e fise mo felong fa go segetsweng Ntlo ka fa ntle ga Felo-fa-go-Boitshepo. Ka letsatsi la bobedi ò tlise phoko e e se nang bogole go nna setlhabelo sa boleo, ò tlhapise aletare boleo, jaaka ba e tlhapisitse boleo ka poana. Jaanong fa ò sena go fetsa go e tlhapisa boleo, ò ntshe poana e nana mo dikgomong e e se nang bogole, le phelehu mo letsomaneng e e se nang bogole, ò di tlise fa pele ga Morena, mme baperesiti ba di gase ka letswai, ba di tlhabele Morena e le setlhabelo sa phiso. O tlhabe phoko ya setlhabelo sa boleo ka letsatsi le letsatsi malatsi a supa. Le gona a ba tlhabe poana e nana ya dikgomo le phelehu ya letsomane tse di se nang bogole jalo. A ba ruanye aletare, ba e itshekise, ba e kgakole ka malatsi a supa. A ba fetse malatsi ao jalo. Mme e re ka letsatsi la robedi le kwa pele baperesiti ba dire ditlhabelo tse di fisiwang tsa lona le ditlhabelo tsa tebogo tsa lona mo aletareng, mme lo tla nkgatlha,’ go bua Morena Modimo.” A ba a mpusetsa kwa kgorong ya Felo-ga-Boitshepo ya ka fa ntle e e lebileng kwa botlhabatsatsi; ya bo e tswetswe. Ke fa Morena a nthaya a re: “Kgoro e, a e nne fela e tswetswe. A e se ka ya bulwa! Go se ka ga tsena ope ka yona! Gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o tsenye ka yona. A e tswalelwe ruri. Fela kgosi, ka e le kgosi, e ka nna mo go yona go ja bogobe fa pele ga Morena; a e tsene teng ka tsela ya leobo la kgoro, e be e tswe gape ka tsela eo ya yona.” A ba a ntsenya ka kgoro ya bokone, a nkisa fa pele ga Ntlo. Ka leba, ka bona Ntlo ya Morena e tletse kgalalelo ya Morena; ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego. Ke fa Morena a nthaya a re: “Morwa-motho, tsotlhe tse ke di buang nao, le ditaolo tsotlhe tsa Ntlo ya Morena le melao yotlhe ya yona, di tlhokomele ka pelo, di bone ka matlho, di utlwe ka ditsebe; tlhokomela matseno a Ntlo le matso otlhe a Felo-ga-Boitshepo. “Raya dirukhutlhi tse e leng Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Makgapha otlhe a lona a ntenne, lona Baiseraele! Kana lo tlisitse baeng ba ba sa rupang pelo le fa e le mmele, ba tsena mo Felong-ga-Boitshepo ga me, ba go itshepolola, e leng Ntlo ya me, jale fa lo tlisitse senkgwe sa me le mafura le madi; lwa senya kgolagano ya me jalo ka maila otlhe a lona. Ga lo a dira tirelo e e boitshepo ya me ka losi, mme lo dirisitse baeng bao gore ba dire tirelo ya me mo Felong-ga-Boitshepo ga me.’ “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘A go se ka ga tsena moeng ope yo o sa rupang pelo le fa e le mmele mo Felong-fa-go-Boitshepo ga me; ke raya baeng botlhe ba ba mo gare ga Baiseraele. “ ‘Mme Balefi ba ba ntlhanogetseng jale fa Baiseraele ba timela, ba ikepa mo go nna, ba latela medimo e e maila ya bone, bone ba tla rwala molato wa bone. Ba tla nna badiredi mo Felong-ga-Boitshepo ga me, e le badisa ba mejako ya Ntlo, e le ba ba direlang Ntlo. Ba tla tlhabela batho ditlhabelo tsa phiso le tse di jewang, ba ba emela go ba direla. E re ka ba ba diretse fa pele ga medimo e e maila ya bone, ba nna sekgopi se se leofisang Baiseraele, ka moo ke ba tsholeleditse letsogo, ka ikana ka re: Ba tla rwala molato wa bone,’ go bua Morena Modimo. ‘Mme ga ba kitla ba atamela kwa go nna go ntirela ka tiro ya boperesiti, le e seng go atamela tsotlhe tse di boitshepo le tse di boitshepotshepo, mme ba tla rwala kgobo ya bone le petso ya maila a bone a ba a dirileng. Ke tla ba dira batlhanka ba tirelo ya ntlo gore ba dire tiro yotlhe ya yona le tsotlhe tse di dirwang teng. “ ‘Baperesiti ba Balefi ba e leng bomorwa Satoke ba ba tshegeditseng tirelo ya Felo-fa-go-Boitshepo ga me, jale fa Baiseraele ba ntlogela, ba timela, bone a ba atamele kwa go nna go ntirela, ba eme fa pele ga me go ntlisetsa mafura le madi,’ go bua Morena Modimo. ‘Bone a ba tsene mo Felong-fa-go-Boitshepo ga me, bone a ba atamele kwa lobating lwa bojelo lwa me go ntirela, a ba dire tirelo ya me! A e ne e re ba tsena ka dikgoro tsa lelapa la ka fa teng, ba apara diaparo tsa letseta! A go se nne boboa jwa dinku mo go bone, fa ba direla mo teng ga dikgoro tsa lelapa la ka fa teng le mo Ntlong. A ba rwale dirwalo tsa letseta mo tlhogong, ba apare seaparo sa letseta mo mathekeng! A ba se ka ba itlama ka sepe se se ka ba fufutsang. Mme fa ba tswele kwa lapeng la ka fa ntle kwa bathong, a ba apole diaparo tsa bone tse ba direlang ka tsona, ba di bee mo matlwaneng a Felo-ga-Boitshepo, ba apare diaparo tse dingwe gore ba se ka ba itshepisa batho ka diaparo tsa bone. “ ‘A ba se ka ba ipeola ditlhogo, le gona ba se lepeletse meriri e meleele! A ba ipome meriri! A go se nne moperesiti ope yo o nwang weine, fa a tla tsena mo lapeng la ka fa teng! A ba se nyale motlholagadi gongwe yo o tlhadilweng! A ba tsee makgarebe a losika lwa Baiseraele. Fela motlholagadi yo e leng motlholagadi wa moperesiti, ba ka mo nyala. “ ‘A ba rute morafe wa me go farologanya tse di boitshepo le tse di seng boitshepo; a ba ba lemose pharologanyo ya tse di seng phepa le tse di itshekileng. Fa go le kgang, a bone ba eme, ba e seke; a ba e atlhole ka fa melaong ya me! Melao ya me le dithulaganyo tsa me a ba di tshegetse ka meletlo yotlhe ya me; boSabata ba me a ba di itshepise! “ ‘A moperesiti a se tsene kwa moswing gore a se itshekologe! Mme fa go sule rraagwe gongwe mmaagwe gongwe morwawe gongwe morwadie gongwe morwa-rraagwe gongwe kgaitsadie yo o iseng a nyalwe ke monna, foo o letleletswe go ka itshekologa ka go ya kwa go ene. Jaanong fa a sena go itsheka gape, a a ipalele malatsi a supa! Jaanong ka letsatsi le ka lone a tsenang gape mo Felong-fa-go-Boitshepo, mo lapeng la ka fa teng go direla mo Felong-fa-go-Boitshepo, a a tlise setlhabelo sa boleo sa gagwe,’ go bua Morena Modimo. “ ‘Fa e le boswa jo bo ba tshwanetseng: Ke nna boswa jwa bone! A ba se ka ba fiwa leruo mo go Iseraele: Ke nna leruo la bone! Ba tla ja ditshupelo le ditlhabelo tsa boleo le ditlhabelo tsa molato; le gona tsotlhe tse di neetsweng tirelong ya Modimo mo Iseraeleng e tla nna tsa bone. Tse di molemo tsa mabutswapele tsotlhe tsa mefutafuta le tsotlhe tse di kgethelwang Tempele tsa mefutafuta tsa makgetho otlhe a lona, e tla nna tsa baperesiti. Le bupe jwa ntlha jwa lona lo bo nee moperesiti gore tshegofatso e nne mo malapeng a lona. A baperesiti ba se ka ba ja sepe se se suleng gongwe se se gagotsweng ke sebata, le fa e le nonyane gongwe seruiwa. “ ‘E re lo tlhamela lefatshe tengwa go abelana boswa, lo segele Morena tshupelo, e bong naga e e boitshepo mo lefatsheng: Boleele jwa yona e nne mabogo a le dikete di le 25, boatlhamo e nne mabogo a le dikete di le 20. E tla nna yona naga e e boitshepo mo tikologong yotlhe ya molelwane wa yona. Jaanong a mo go yona go segelwe Tempele setsha; ditlhakore tsa sona e nne tsa mabogo a le 500 mo dintlheng tsoo nne tikologong. Mme a se dikanyediwe ke karolo ya naga e e nnang fela; boatlhamo jwa yona e nne mabogo a le 50. Jaanong mo nageng ele e e lekantsweng o sege felo gongwe: Boleele jwa gona e nne mabogo a le dikete di le 25, boatlhamo e nne mabogo a le dikete di le some; mo gona go nne Felo-ga-Boitshepo, fa go boitshepotshepo thata. Ke yona naga e e boitshepo mo lefatsheng. E tla nna ya baperesiti ba ba direlang mo Felong-ga-Boitshepo, ba ba atamelang go direla Morena; e tla nna ditsha tsa malapa a bone. Ke naga e e itshepetseng Felo-ga-Boitshepo. Gape karolo e nngwe ya naga e boleele jwa yona e leng mabogo a le dikete di le 25, boatlhamo e le mabogo a le dikete di le 10, e tla nna kabelo ya Balefi ba ba direlang Ntlo gore ba age metse teng. “ ‘Fa e le kabelo ya naga ya motse, lo o lekanyetse boatlhamo jwa mabogo a le dikete di le tlhano le boleele jwa mabogo a le dikete di le tlhano le boleele jwa mabogo a le dikete di le 25. Ke naga e e bapileng le naga e e boitshepo; e tla nna ya Baiseraele botlhe. “ ‘Mme naga e e mo dintlheng tse pedi tsa naga e e boitshepo le naga ya motse e e bapileng le naga e e boitshepo le naga ya motse e tla nna ya kgosi, go tloga mo ntlheng ya bophirimatsatsi go ya kwa bophirimatsatsi le go tloga mo ntlheng ya botlhabatsatsi go ya kwa botlhabatsatsi. A boleele jwa yona bo lekane le jwa kabelo nngwe ya ditso tsa Baiseraele go tloga molelwaneng wa bophirimatsatsi go ya molelwaneng wa botlhabatsatsi wa lefatshe. Ke yona kabelo ya kgosi mo go Iseraele. Dikgosi tsa me ga di nke di tlhola di gatelela morafe wa me, mme di tla naya Baiseraele lefatshe ka fa ditsong tsa bone.’ “Morena Modimo o bua jaana a re: ‘Go lekanye tota, lona dikgosi tsa Iseraele! Tlosang kgatelelo le tshenyo. Dirang ka tshiamo le ka molao. Khutlang go leleka morafe wa me mo nageng ya one le mo malapeng a one!’ Morena Modimo o buile jalo. “ ‘Lo nne le dilekanyetso tse di siameng le efa e e siameng le batha e e siameng. “ ‘A efa le batha e nne selekanyo se le sengwe fela. A efa di le some di tlatse homere, le batha di le some di tlatse homere. A di laolwe ke homere ka bobedi jwa tsona. “ ‘Šekele e nne gera di le masome a mabedi. Šekele di le tlhano a e nne di le tlhano. Šekele di le some a e nne di le some. Šekele di le somatlhano a e nne mane mo go lona. “ ‘Lekgetho le lo tla le ntshang ke le: Go ntshiwe karolo ya borataro ya efa mo homereng ya mabele le karolo ya borataro ya efa mo homereng ya garase. Fa e le lekgetho la lookwane: A go ntshiwe karolo ya bosome ya batha mo korong ya lookwane; kana koro ke dibatha di le some. Gape a go ntshiwe kwanyana e le nngwe mo dinkung di le kgolamabedi tsa mafulo a a metsi a Iseraele; a e nne tshupelo le setlhabelo se se fisiwang gongwe sa tebogo gore ba itshwarelwe dibe,’ go bua Morena Modimo. “ ‘A batho botlhe ba lefatshe ba ntshetse kgosi ya Iseraele lekgetho le le ntseng jalo. E tla nna tshwanelo ya kgosi go ntsha setlhabelo se se fisiwang le tshupelo ya dijo le ya noo ka meletlo le ka malatsi a ngwedi o o rogilweng le ka boSabata le mo dikgobokanong tsotlhe tsa meletlo ya Baiseraele; ke yona e e tla dirang setlhabelo sa boleo, le tshupelo, le setlhabelo sa phiso, le ditlhabelo tsa tebogo, e le go batlela Baiseraele boitshwarelo.’ “Morena Modimo o bua jaana a re: ‘Ka la ntlha la kgwedi ya ntlha lo ne lo tsaya poana mo dikgomong e e se nang bogole, lo tlhatswa Felo-ga-Boitshepo boleo. A moperesiti a tsee madi a setlhabelo sa boleo, a a tshase mo disaneng tsa mojako wa Ntlo le mo dikhutlong tsoo nne tsa direpodi tsa aletare le mo disaneng tsa dikgoro tsa lelapa la ka fa teng. Le gona lo dire jalo ka la ntlha la kgwedi ya bosupa ka ntlha ya bone ba ba leofileng ka bokoa gongwe ka go tlhoka kitso, gore lo tlhatswe Ntlo boleo. “ ‘Ka letsatsi la 14 la kgwedi ya ntlha go ne go nna moletlo wa Tlolaganyo mo go lona; e nne wa malatsi a supa go jewe dinkgwe tse di sa bedisiwang. A ka letsatsi leo kgosi e dire poana setlhabelo sa boleo, e le go itirela le batho botlhe ba lefatshe. A ka letsatsi lengwe le lengwe la malatsi a supa a moletlo e direle Morena setlhabelo sa phiso ka dipoana tse supa le ka diphelehu tse supa tse di se nang bogole, le setlhabelo sa boleo ka phoko ka letsatsi lengwe le lengwe la malatsi a supa ao. Le gona a e baakanye tshupelo ya dijo: Efa ya bupe mmogo le poana e le nngwe, le efa ya bupe mmogo le phelehu e le nngwe. Le gona e tshele hina ya lookwane mo bupeng jwa efa. “ ‘Ka letsatsi la 15 la kgwedi ya bosupa, ka moletlo a e dire tse di tshwanang le tsele ka malatsi a supa: Ditlhabelo tsa boleo le ditlhabelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa dijo le lookwane, a di tshwane fela le tsele.’ “Morena Modimo o bua jaana a re: ‘Kgoro ya lelapa la ka fa teng e e lebileng kwa botlhabatsatsi a e nne e tswetswe ka malatsi a marataro a go dira, mme e bulwe ka letsatsi la Sabata le ka letsatsi la ngwedi o o rogilweng. Jaanong a kgosi e tsene mo go yona ka tsela ya leobo, e tswa kwa ntle, e eme fa sesaneng sa kgoro. Baperesiti ba dire setlhabelo sa yona sa phiso le ditlhabelo tsa yona tsa tebogo; yona e obamele fa serepoding sa kgoro, e be e tswe. Mme kgoro e se ka ya tswalwa go fitlha mantsiboa. Le batho ba lefatshe a ba obamele fa mojakong wa kgoro eo fa pele ga Morena ka boSabata le ka malatsi a ngwedi o o rogilweng. “ ‘Setlhabelo sa phiso se kgosi e tshwanetseng go se isetsa Morena ka letsatsi la Sabata ke sa dikwana di le thataro tse di se nang bogole le sa phelehu e e se nang bogole. Tshupelo ya bupe e nne jwa efa mmogo le phelehu; dikwana di okediwe ka tshupelo ya bupe ka fa kgosi e nonofileng ka teng. Le gona e tshele hina ya lookwane mo efeng ya bupe. Mme ka letsatsi la ngwedi o o rogilweng a e nne setlhabelo sa poana e e se nang bogole le sa dikwana di le thataro le sa phelehu tse di itekanetseng. A e baakanye tshupelo ya bupe jwa efa mmogo le poana le jwa efa mmogo le phelehu; e bo okeletse dikwana ka fa e kgonang ka teng. Le gona e tshele hina ya lookwane mo efeng ya bupe. Fa kgosi e tsena, a e tsene ka tsela ya leobo la kgoro, e be e tswe gape ka tsela eo ya yona. “ ‘Jaanong fa batho ba lefatshe ba tla fa pele ga Morena ka meletlo, a ba ba tsenang ka kgoro ya bokone go obamela ba tswe ka kgoro ya borwa; ba ba tsenang ka kgoro ya borwa, a ba tswe ka kgoro ya bokone. Ga ba a tshwanela go boa ka kgoro e ba tsenyeng ka yona, mme a ba tswe ka kgoro e ba lebileng kwa go yona. A e re ba tsena, kgosi e tsene nabo, e le mo gare ga bone; e re ba tswa, e tswe nabo. Mme ka malatsi a meletlo le a go phuthega a tshupelo ya bupe e nne jwa efa mmogo le poana le jwa efa mmogo le phelehu, mme dikwana a di okediwe ka bupe ka fa kgosi e nonofileng ka teng. Le gona e tshele hina ya lookwane mo efeng ya bupe. “ ‘Mme a e re fa kgosi e direla Morena setlhabelo sa phiso ka boyona gongwe ditlhabelo tsa tebogo ka boyona, a e bulelwe kgoro e e lebileng kwa botlhabatsatsi, e tlise setlhabelo sa phiso sa yona le tsa tebogo tsa yona, jaaka e dira ka letsatsi la Sabata, e be e tswe gape. Fa e sena go tswa, a kgoro e tswalwe. “ ‘A kgosi e direle Morena setlhabelo sa phiso sa kwana ya ngwaga o le mongwe e e se nang bogole ka letsatsi lengwe le lengwe, a e se mo direle mo mosong mongwe le mongwe. Le gona a e se oketse ka tshupelo ya bupe mo mosong mongwe le mongwe: E nne karolo ya borataro ya efa ya bupe, le karolo ya boraro ya hina ya lookwane gore lo kolobise bupe, e le tshupelo ya dijo ya Morena. Ke ona molao wa setlhabelo sa metlha yotlhe. A go baakanngwe jalo kwana mmogo le tshupelo ya bupe le lookwane mo mosong mongwe le mongwe. Ke sona setlhabelo sa phiso sa metlha yotlhe.’ “Morena Modimo o bua jaana a re: ‘Fa kgosi e naya mongwe wa bomorwaa-yona mpho ya naga ya yona, yona e tla nnela ruri ya bomorwaa-yona; ke boswa jo ba bo ruisang. Mme fa e naya mongwe wa batlhanka ba yona mpho ya naga ya yona, e tla nna ya gagwe fela go fitlha ngwageng wa kgololo. Morago e nne ya kgosi gape. Ke naga ya bomorwaa-yona fela e e tla nnang ya bone e le boswa. A kgosi e se ka ya tsaya sepe sa naga ya batho ka go ba leleka ka thata mo bosweng jwa bone. A e jese bomorwaa-yona boswa jwa naga ya yona, mme go se ka ga lelekwa ope wa morafe wa me mo kabelong ya naga ya gagwe.’ ” Ke fa a ntsenya ka botseno jo bo fa lotlhakoreng lwa kgoro, a nkisa kwa matlwaneng a a boitshepo a baperesiti a a lebileng kwa bokone, ka fitlhela felo teng fa go kwa moragorago ntlheng ya bophirimatsatsi. A nthaya a re: “Ke gona felo fa baperesiti ba apeelang ditlhabelo tsa molato le tsa boleo teng; ke fa ba besang ditshupelo tsa bupe gore ba se ka ba di ntshetsa kwa lapeng la ka fa ntle, ba tloga ba itshepisa morafe.” A ba a nkisa kwa lapeng la ka fa ntle, a mphetisetsa pele kwa dikhutlong tse nne tsa lelapa leo, ka fitlhela go le lelapana gape mo sekhutlong sengwe le sengwe sa lelapa leo. Mo dikhutlong tse nne tsa lelapa leo go ne go le malapana a a ageletsweng, a le boleele jwa mabogo a le 40 le boatlhamo jwa mabogo a le 30. Malapana ao a dikhutlo a ne a lekalekana fela ka bone jwa ona. A ne a ageletswe ka dipota ka bone jwa ona. Go ne go dirilwe maiso fa fatshe go bapa le dipota tseo mo tikologong. A ba a nthaya a re: “Ke ona matlo a a apeelang, fa badiredi ba Ntlo ba apeelang teng ditlhabelo tse di jewang tsa batho.” A ba a mpusetsa kwa mojakong wa Ntlo, ka fitlhela metsi a tswa fa tlase ga serepodi sa Ntlo, a elelela kwa botlhabatsatsi; gonne sefatlhego sa Ntlo se ne se lebile kwa botlhabatsatsi. Metsi ao a ne a fologela kwa tlase ntlheng ya borwa ya Ntlo le mo ntlheng ya borwa ya aletare. A ba a nkisa kwa ntle ka kgoro ya bokone, a ntikolosa ka tsela ya ka fa ntle, a nkisa kwa kgorong ya ka fa ntle e e lebileng kwa botlhabatsatsi, ka fitlhela metsi a ela a tswa mo loboteng ntlheng ya borwa. Ya re monna yoo a tswela kwa botlhabatsatsi, a tshotse mogala o o lekanyang ka seatla, a lekanya boleele jwa mabogo a le sekete; a ba a ntshedisa metsi ao, a fitlha fa malenganeng. A ba a lekanya gape sekete, a ntshedisa metsi, mme metsi a fitlha fa mangoleng; a ba a lekanya gape sekete, a ntshedisa metsi, mme a fitlha fa lethekeng. A ba a lekanya gape sekete, jaanong ya bo e le noka e ke palelwang ke go e tshela; gonne metsi a ne a le magolo, e le metsi a go ka thungwang mo go ona, e le noka e e sa tshelweng ka dinao. Ke fa a mpotsa a re: “A o bonye, morwa-motho?” A ba a mpusa, ka tsamaya ke bapile le noka. Ya re ke boa, ka bona ditlhare tse dintsi thata fa dintshing tsa noka. A ba a nthaya a re: “Metsi ao a a tswelang a elelela kwa nageng ya botlhabatsatsi, a tla fologela kwa moitigeng wa Joretane. Mme fa a tsena mo Lewatleng la Loso, mo metsing a a letswai, metsi a teng a tla alafiwa. Diphedi tsotlhe tse di nyeulang gongwe le gongwe kwa noka eo e fetang teng, di tla phela; ditlhapi tsa yona di tla nna dintsi thata. Gonne e tla re metsi ao a sena go fitlha teng, go alafiwe metsi a a letswai. Tsotlhe di tla phela kwa noka eo e fitlhang teng. Batshwari ba ditlhapi ba tla ema fa go yona go tloga kwa Engedi go fitlha kwa Enegelaime; go tla anegwa matloa teng. Ditlhapi tsa yona di tla tshwana le ditlhapi tsa lewatle le legolo ka fa mefuteng ya tsona, e le tse dintsi thata. Mme mafelo a motlhaka le madibana a teng ga a kitla a alafiwa. A dirilwe go nna letswai. Mme fa nokeng eo, fa dintshing tsa yona, go tla tlhoga ditlhare tsa mefutafuta tse di jewang; matlhare a tsona ga a nke a swaba; maungo a tsona ga a nke a fela. Di tla ungwa maungo a mašwa ka fa dikgweding tsa tsona, gonne metsi a tsona a tswa mo Felong-ga-Boitshepo. Maungo a tsona e tla nna dijo; matlhare a tsona a tla alafa.” Morena Modimo o bua jaana a re: “Ke ona molelwane wa lefatshe le lo tla le abelanang ka fa ditsong di le 12 tsa Iseraele, mme a Josefa a bone dikabelo di le pedi. Mongwe le mongwe wa lona a rue kabelo ya lone e e lekanang le ya morwa-rraagwe; gonne ke tsholeditse letsogo, ka ikana go le naya borraeno. Lefatshe leo e tla nna la lona e le boswa. “Molelwane wa lefatshe leo kwa ntlheng ya bokone ke o: O simologa kwa lewatleng le legolo o ya kwa Hetlhone, o feta kwa Setate; le kwa Hamathe le kwa Berothe le kwa Siberaime yo o fa gare ga naga ya Damaseko le naga ya Hamathe, le kwa Hasere-Hathigone yo o fa molelwaneng wa Haurane. Ke ona molelwane go tloga kwa lewatleng go ya kwa Hasere-Enone. Naga ya Damaseko le naga ya Hamathe tsona di bape le molelwane o o kwa bokone. “Molelwane wa kwa botlhabatsatsi o simologa fa gare ga Haurane le Damaseko. Joretane ke molelwane fa gare ga Gileate le naga ya Iseraele go fitlha kwa lewatleng la botlhabatsatsi, le go fitlha kwa Thamare. Ke lone lotlhakore lwa kwa botlhabatsatsi. “Molelwane wa kwa ntlheng ya borwa o simologa kwa Thamare go ya kwa ‘Metsing a komano’ le kwa Kateše le go ya le noka ya teng kwa lewatleng le legolo. Ke lone lotlhakore lwa kwa borwa. “Fa e le molelwane wa kwa bophirimatsatsi: Ke lewatle le legolo le e leng molelwane go khutla go lebagana le Hamathe. Ke lone lotlhakore lwa bophirimatsatsi. “Lo tshwanetse go abelana lefatshe leo ka fa ditsong tsa Iseraele. Lo le tlhamele tengwa go nna boswa jwa lona le jwa baeng ba ba mo gare ga lona, ba ba tsetseng bana mo gare ga lona. A ba nne mo go lona jaaka ba ga lona, jaaka Baiseraele. A ba bone boswa ka go tlhamela tengwa mmogo le lona mo gare ga ditso tsa Iseraele! Moeng lo mo abele naga ya gagwe ya boswa mo lotsong lo a nnang mo go lone, go bua Morena Modimo. “Maina a ditso ke a: Dane o tla bona boswa ja gagwe kwa mafelelelong a bokone go tloga fa lewatleng go ya kwa Hetlhone le go fitlha kwa botsenong jwa Hamathe le kwa Hasere-Enone – naga ya Damaseko e sadisitswe kwa bokone – fa thoko ga Hamathe, go simolola kwa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Boswa jwa Asere bo tla bapa le jwa Dane go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Jwa Nafetale bo tla bapa le jwa Asere go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Jwa Manase bo tla bapa le jwa Nafetale go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Jwa Eferaime bo tla bapa le jwa Manase go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Jwa Rubene bo tla bapa le jwa Eferaime go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Jwa Juta bo tla bapa le jwa Rubene go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. “Jaanong naga e e boitshepo e lo e segelang Morena e tla bapa le boswa jwa Juta, go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Boatlhamo jwa yona e nne mabogo a le 25 000, boleele bo tshwane le bongwe jwa maswa a ditso go tswa kwa botlhabatsatsi go fitlha kwa bophirimatsatsi. A Felo-ga-Boitshepo go nne mo gare ga yona. “Naga e e boitshepo e lo tshwanetseng go e segele Morena a e nne ya boleele jwa mabogo a le 25 000, le ya boatlhamo jwa mabogo a le 20 000. Naga e e boitshepo e e leng ya baperesiti, boleele jwa yona a e nne mabogo a le 25 000 kwa bokone le kwa borwa; boatlhamo jwa yona e nne mabogo a le 10 000 kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi. Tempele ya Morena e tla nna fa gare ga yona. E tla nna ya baperesiti ba ba itshepisitsweng, bomorwa Satoke ba ba ntiretseng ka boikanyo, ba ba se kang ba timela, jale fa Baiseraele ba timela, jaaka go ne ga timela Balefi. Karolo e e segilweng eo ya kabelo e e boitshepo ya lefatshe e tla nna ya bone e le e e boitshepotshepo, e bapile le ya Balefi. Kabelo ya Balefi a e bape le ya baperesiti: Boleele jwa yona e nne mabogo a le 25 000, boatlhamo e nne mabogo a le 10 000. Boleele jwa naga e e boitshepo yotlhe e nne mabogo a le 25 000, boatlhamo e nne mabogo a le 20 000. Ga ba a letlelelwa go rekisa sepe sa yona le e seng go e ananya; kabelo ya lefatshe e e gaisang tsotlhe ba se ka ba e naya ba bangwe; gonne e itshepetse Morena. “Mme naga ya boatlhamo jwa mabogo a le 5 000 e e setseng, e e bapileng le ya boleele jwa mabogo a le 25 000, yona ga e boitshepo, mme ke ya motse go aga teng le go fudisa teng. A motse o nne fa gare ga yona. Dilekanyo tsa ona ke tse: Lotlhakore lwa bokone a e nne mabogo a le 4 500, le lotlhakore lwa borwa e nne mabogo a le 4 500, le lotlhakore lwa botlhabatsatsi e nne mabogo a le 4 500, le lotlhakore lwa bophirimatsatsi e nne mabogo a le 4 500. Motse o tla bapa le naga e e nnang fela. Boatlhamo jwa yona e nne mabogo a le 250 kwa bokone le a le 250 kwa borwa le a le 250 kwa botlhabatsatsi le a le 250 kwa bophirimatsatsi. Mme naga e e setseng ka fa ntlheng ya boleele, e e bapileng le naga e e boitshepo, e bong boleele jwa mabogo a le 10 000 go ya kwa botlhabatsatsi, le jwa mabogo a le 10 000 go ya kwa bophirimatsatsi, e e tshwanetseng go bapa le naga e e boitshepo: Kotulo ya yona e nne dijo tsa ba ba dirang mo motseng. A badiri ba ba dirang mo motseng e nne ba ditso tsotlhe tsa Iseraele. “Naga yotlhe e e segilweng e nne boleele jwa mabogo a le 25 000, le boatlhamo jwa mabogo a le 25 000; naga e e boitshepo mmogo le boswa jwa motse lo e segele Morena, e nne le ditlhakore tse di lekanang fela ka bone jwa tsona. “Naga e e setseng e tla nna ya kgosi, e leng naga e e mo dintlheng tse pedi tsa naga e e boitshepo le tsa boswa jwa motse; ka fa ntle ga mabogo a le 25 000 go ya go fitlha kwa molelwaneng wa botlhabatsatsi, le ka fa ntle ga mabogo a le 25 000 go ya go fitlha kwa molelwaneng wa bophirimatsatsi go bapa le dikabelo tsa ditso: Naga eo e tla nna ya kgosi. Mme ka mo gare go tla nna naga e e boitshepo le Tempele e boitshepo. Naga yotlhe e e fa gare ga molelwane wa Juta le wa Benyamene e e seng ya Balefi le e seng ya motse, e tla nna ya kgosi. Ya motse le ya Balefi e fa gare ga dinaga tsa kgosi. “Jaanong ka ga ditso tse di setseng: Boswa jwa Benyamene bo tla bapa le jwa kgosi go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Jwa Simeone bo tla bapa le jwa Benyamene go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Jwa Isašare bo tla bapa le jwa Simeone go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Jwa Sebulone bo tla bapa le jwa Isašare go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. Jwa Gate bo tla bapa la jwa Sebulone go simolola fa lotlhakoreng lwa botlhabatsatsi go fitlha kwa lotlhakoreng lwa bophirimatsatsi. “Mme lotlhakore lwa kwa borwa lwa naga ya Gate ke ona molelwane o o simologang kwa Thamare, o ya kwa Metsing a Komano le kwa Kateše; o be o tsena mo nokeng ya teng go fitlha kwa Lewatleng le Legolo. “Ke lone lefatshe le lo tla le tlhamelang tengwa gore e nne boswa jwa ditso tsa Iseraele; ke tsona dikabelo tsa tsona, go bua Morena Modimo. “Matso a motse ke a: Lotlhakore lwa bokone ke mabogo a le 4 500 ka selekanyo. Jaanong a dikgoro tsa motse di bidiwe ka maina a ditso tsa Iseraele: Dikgoro tse tharo tse di kwa bokone e nne Kgoro ya Rubene le Kgoro ya Juta le Kgoro ya Lefi. Lotlhakore lwa botlhabatsatsi le lone ke mabogo a le 4 500. A lo nne le dikgoro tse tharo tse: Kgoro ya Josefa le Kgoro ya Benyamene le Kgoro ya Dane. Lotlhakore lwa borwa le lone ke mabogo a le 4 500 ka selekanyo. A lo nne le dikgoro tse tharo tse: Kgoro ya Simeone le Kgoro ya Isašare le Kgoro ya Sebulone. Lotlhakore lwa bophirimatsatsi lone ke mabogo a le 4 500. A lo nne le dikgoro tse tharo tse: Kgoro ya Gate le Kgoro ya Asere le Kgoro ya Nafetale. Tikologo ke mabogo a le 18 000. Go tloga jaanong motse o tla bidiwa ‘Morena-o-teng’.” Ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Joyakime, kgosi ya Juta, ga tla Nebukatenesare, kgosi ya Babele, kwa motseng wa Jerusalema, a o dikanyetsa ka ntwa. Morena a neela Joyakime, kgosi ya Juta, le bontlhanngwe jwa dithoto tsa Ntlo ya Modimo mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, mme ene a di isa kwa lefatsheng la Sineare mo ntlong ya modimo wa gagwe, dithoto tsona a di tsenya mo ntlong ya mahumo ya modimo wa gagwe. Jaanong kgosi ya laela Ašephenase, mookamedi wa badiredi ba yona gore a tlhaole bangwe ba Baiseraele ba e leng ba losika lwa kgosi le lwa batlotlegi, e bong makau a a itekanetseng, a a bopegileng sentle, a e leng ditswerere mo botlhaleng jotlhe, a a seleng tlhogo, a a tlhogo-di-boleta, a a nonofileng go ka direla mo lapeng la kgosi; ona ao a a rute mokwalo wa Bakalatea le puo ya bone. Kgosi ya laela gore a fiwe kabelo ya letsatsi lengwe le lengwe ya dijo tsa kgosi le ya weine e e e nwang ka yosi, gore a godisiwe jalo dinyaga di le tharo, mme fa di sena go feta, a itse go direla kgosi. Mo go ona ao go ne go le Daniele le Hananya le Mišaele le Asaria, ba e leng ba lotso lwa Juta. Jaanong mookamedi wa badiredi a ba taya maina a sele, a bitsa Daniele Beletšhatsare le Hananya Šaterage le Mišaele Mešage le Asaria Abetenego. Mme Daniele a ikaelela mo pelong ya gagwe gore a se ka a itshekologa ka dijo tsa kgosi le ka weine e e e nwang; a kopa mookamedi wa badiredi gore a se ka a itshekologa. Modimo wa naya Daniele go bona bopelonomi le bopelotlhomogi mo mookameding wa badiredi. Mookamedi wa badiredi a fetola Daniele a re: “Ke boifa kgosi, morena wa me, yo o laetseng tse lo tshwanetseng go di ja le go di nwa, e se re gongwe ya bona difatlhego tsa lona di tlhontse di tshwanologa le tsa makau a mangwe a e leng a mophato wa lona, lwa tloga lwa nthwesa molato fa pele ga kgosi.” Ke fa Daniele a raya modiredi yo mookamedi wa badiredi a mo laodisitseng Daniele le Hananya le Mišaele le Asaria a re: “A ko o leke batlhanka ba gago malatsi a le some! Re ke re fiwe merogo go e ja le metsi go a nwa! A foo go bonwe tebego ya rona le tebego ya makau a a jang dijo tsa kgosi fa pele ga gago; jaanong foo o ka direla batlhanka ba gago ka fa o bonang ka teng.” Lefoko leo la bone a le utlwa, a ba leka malatsi a le some. Ya re malatsi a le some a sena go feta, ga fitlhelwa difatlhego tsa bone di le dintle, e bile ba akotse bogolo go makau a a jang dijo tsa kgosi. Go tloga foo mookamedi a tlosa dijo tsa kgosi le weine e ba neng ba laotswe go e nwa, a ba jesa merogo. Mme makau ao Modimo wa a naya kitso le temogo ya dikwalo tsotlhe le botlhale ka bone jwa ona; Daniele ene o ne a ba feta ka go tlhaloganya dipono tsa mefutafuta le ditoro. Jaanong e rile malatsi a sena go feta a kgosi e a beileng gore ba tsenngwe tirong morago ga ona, mookamedi wa badiredi a ba isa mo teng fa pele ga Nebukatenesare. Kgosi ya bua nabo. Mme ga bo go sa bonwe ope mo go bone botlhe yo o tshwanang le Daniele le Hananya le Mišaele le Asaria. Ke fa ba simolola go direla kgosi. Mo mafokong otlhe a botlhale le kitso a kgosi e neng e a ba botsa, ya fitlhela ba gaisa batlhalefi botlhe le baitseanape ba ba mo pusong yotlhe ya yona gasome. Daniele a nna teng go fitlhelela ngwageng wa ntlha wa kgosi Korese. Ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Nebukatenesare, Nebukatenesare a lora ditoro; ke fa mowa wa gagwe o tshoga, o tlhofaela. Kgosi ya laela gore go bidiwe batlhalefi le baitseanape le dingaka le Bakalatea gore ba itsise kgosi ditoro tsa yona. Ba tla, ba ema fa pele ga kgosi. Kgosi ya ba raya ya re: “Ke lorile toro. Jaanong mowa wa me o a tshwenyega. Ke rata go tlhaloganya toro eo.” Bakalatea ba raya kgosi ka Sesiria ba re: “A kgosi e phele ka bosakhutleng! Bolelela batlhanka ba gago toro gore re bolele tlhaloso ya yona.” Kgosi ya fetola Bakalatea ya re: “Lefoko la me ga le fetoge. Fa lo sa nkitsise toro le tlhaloso ya yona, lo tla remaganngwa; matlo a lona e tla fetolwa mekoa ya matlakala. Mme fa lo ka bolela toro le tlhaloso ya yona, lo tla amogela dimpho le dineo le tlotlo e kgolo mo go nna. Ka moo mpoleleleng toro le tlhaloso ya yona.” Ba araba gape ba re: “A kgosi e bolelele batlhanka ba yona toro; foo re tla bolela tlhaloso ya yona.” Kgosi ya fetola ya re: “Jaanong ke lemoga sentle, fa lo batla fela go ikokeletsa sebaka; ka gonne lo lemogile, fa lefoko le tlhomame mo go nna le le reng: Fa lo palelwa ke go mpolelela toro, katlholo e le nngwe e tla lo wela. Kana lo utlwanye go bua mafoko a maaka a a sa siamang fa pele ga me go tsamaya sebaka se fetoge. Ka moo mpoleleleng toro! Foo ke tla itse, fa lo sa ka ke lwa palelwa ke go mpolelela tlhaloso ya yona.” Bakalatea ba araba fa pele ga kgosi ba re: “Ga go na motho ope mo lefatsheng yo o ka kgonang go bolela se kgosi e se batlang. Ka gonne ga go na kgosi epe, le fa e le kgolo gongwe e le thata, e e kileng ya batla se se ntseng jalo mo motlhalefing mongwe gongwe mo ngakeng gongwe mo go Mokalatea. Se kgosi e se batlang se thata. Ga go na ope yo o ka se bolelang fa pele ga kgosi fa e se medimo e boago jwa yona bo seng mo bathong.” Ke fa kgosi e galefa, e gakala thata, e laola gore batlhalefi botlhe ba Babele ba bolawe. Ya re taolo e sena go tswa gore batlhalefi ba bolawe, ba batla Daniele le balekane ba gagwe gore ba bolawe. Ke fa Daniele a fetola Arioge, molaodi wa bafemedi ba kgosi, yo o bolotseng go bolaya batlhalefi ba Babele, ka botlhale le ka tlhaloganyo. A simolola go bua, a botsa Arioge, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a re: “Ke ka ntlhaang, fa katlholo ya kgosi e le bogale thata?” Arioge a bolelela Daniele mabaka a teng. Foo Daniele a tsena mo ntlong ya borena, a kopa kgosi gore a fiwe sebaka gore a tle a itsise kgosi tlhaloso ya toro. Daniele a ba a ya kwa ntlong ya gagwe, a itsise balekane ba gagwe, Hananya le Mišaele le Asaria, mafoko ao, gore ba kope kutlwelo-botlhoko mo Modimong wa legodimo ka ntlha ya sephiri seo gore Daniele le balekane ba gagwe ba se ka ba bolawa mmogo le batlhalefi ba bangwe ba Babele. Ke fa Daniele a senolelwa sephiri seo ka pono bosigo. Daniele a ba a boka Modimo wa legodimo a re: “A go bakwe leina la Modimo ka bosenatshimologo le ka bosakhutleng, gonne o na le botlhale le thata. O fetola metlha le dinako; dikgosi o a di tlosa, dikgosi o a di tlhoma. O naya batlhalefi botlhale; ba ba nang le tlhaloganyo o ba nee kitso. Ke ona o o senolang tse di boteng le tse di fitlhegileng; o itse se se mo fifing. Lesedi le na nao. Wena Modimo wa borraetsho, ke a go baka, ke a go leboga; gonne o nneile botlhale le thata; o bile o nkitsisitse se re se kopileng mo go wena; o re itsisitse se kgosi e se batlang.” Ke fa Daniele a tsena kwa go Arioge yo o laetsweng ke kgosi go bolaya batlhalefi ba Babele; a ya a mo raya jaana a re: “Se bolae batlhalefi ba Babele! Nkise kwa kgosing, ke tla bolelela kgosi tlhaloso ya toro.” Arioge a itlhaganela, a isa Daniele fa pele ga kgosi, a e raya jaana a re: “Ke bonye monna wa batshwarwi ba Juta yo o tla itsiseng kgosi tlhaloso ya toro.” Kgosi ya simolola go bua, ya botsa Daniele yo leina la gagwe e leng Beletšhatsare ya re: “A o tla kgona go nkitsise toro e ke e bonyeng le tlhaloso ya yona?” Daniele a simolola go bua fa pele ga kgosi a re: “Sephiri se kgosi e se batlang, batlhalefi le baitseanape le barutegi le balepi ba dinaledi ga ba kgone go se bolelela kgosi. Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang diphiri; o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tla dirafalang ka malatsi a bofelo. Toro ya gago le dipono tsa tlhogo ya gago mo bolaong jwa gago ke tse: “Wena kgosi o ne o akanya o le mo bolaong jwa gago gore go tla dirafala eng mo metlheng e e tlang? Jaanong ona o o senolang diphiri o go itsisitse se se tla dirafalang. Mme nna ke senoletswe seo, e seng ka ntlha ya botlhale jo ke fetang botlhe ba ba phelang ka jona, mme e le gore kgosi e begelwe tlhaloso ya toro, o tle o itse dikakanyo tsa pelo ya gago. “Wena kgosi o bonye setshwantsho sa motho; setshwantsho seo se ne se le segolo thata, phatsimo ya sona e feta tsotlhe; se ne se eme fa pele ga gago, tebego ya sona e le e e boitshegang. Setshwantsho seo tlhogo ya sona e ne e le ya gouta e e sa pekwang; sehuba sa sona le mabogo a sona e le tsa selefera; mpa ya sona le dirope tsa sona e le tsa kgotlho. Memomo ya sona e le ya tshipi; dinao tsa sona ntlhanngwe e le tshipi, ntlhanngwe e le mmopa. Ya re o ntse o se lebile, lefika la kgomoga mo thabeng e se ka diatla tsa motho, la itaya setshwantsho seo mo dinaong tse e leng tshipi le mmopa, la di phatlakanya. Tshipi le mmopa le kgotlho le selefera le gouta tsa phatlakanngwa mmogo, tsa nna jaaka moko mo diboaneng tsa mariga; phefo ya di tlosa, ga se ka ga tlhola go bonwa motlhala ope wa tsona, mme lefika le le iteileng setshwantsho seo la fetoga thaba e kgolo, la tlala lefatshe lotlhe. “Ke yona toro. Jaanong re tla bolela tlhaloso ya yona fa pele ga kgosi. Wena kgosi o kgosi ya dikgosi, yo Modimo wa legodimo o go neileng bogosi le nonofo le thata le tlotlo, yo o tsentseng batho le diphologolo tsa naga le dinonyane tsa loapi mo thateng ya gago gotlhe fa go nnwang teng, wa go laodisa tsotlhe: Ke wena tlhogo ya gouta. Sehularong sa gago go tla tsoga bogosi jo bongwe jo bo fetwang ke jwa gago; morago ga moo bogosi jwa boraro jo e leng jwa kgotlho, jo bo tla busang lefatshe lotlhe. Bogosi jwa bone bo tla nna popota jaaka tshipi; kana tshipi e pšhwetlakanya tsotlhe, e di thubaganye; bo tla pšhwetlakanya otlhe ao jalo, bo a phatlakanya jaaka tshipi e e phatlakanyang. Jaanong fa o bonye dinao le menwana ya tsona e le mmopa wa mmopi mo ntlheng nngwe le tshipi mo ntlheng e nngwe ke go re: E tla nna bogosi jo bo kgaogantsweng, mme thata ya tshipi e tla nna teng mo go jona, jaaka o bonye tshipi e tlhakantswe le mmopa. Fa menwana ya dinao e le tshipi mo gongwe le mmopa mo gongwe, ke go re: Bogosi joo bo tla nna thata mo gongwe, bo tla foforega mo gongwe. Jaanong fa o bonye tshipi e tlhakantswe le mmopa, ke go re: Le fa ba tla tlhakana ka go nyalana ga batho, ga ba nke ba kgomarelana jaaka tshipi e sa tlhakane le mmopa. Mme e tla re ka malatsi a dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlhome bogosi jo bo sa nyeleleng ka bosakhutleng. Bogosi joo ga bo nke bo amogwa ke morafe o mongwe. Bo tla pšhwetlakanya, bo fedisa magosi aotlhe ao, mme jona bo tla tlhomama ka bosakhutleng, fela jaaka o bonye lefika le kgomolwa mo thabeng, e se ka diatla, le pšhwetlakanya tshipi le kgotlho le mmopa le selefera le gouta. Modimo o mogolo o itsisitse kgosi jalo se se tla dirafalang mo metlheng e e tlang. Toro ke ya nnete; tlhaloso ya yona e a ikanyega.” Ke fa kgosi Nebukatenesare a wela fa fatshe ka sefatlhego, a obamela Daniele; a laola gore a direlwe ditshupelo tsa dijo le maswalo. Kgosi ya fetola Daniele ya re: “Ka nnete, Modimo wa lona ke Modimo wa medimo le Morena wa dikgosi yo o senolang diphiri; gonne wena o kgonne go senola sephiri seo.” Mme kgosi ya godisa Daniele, ya mo naya dineo tse dintsi tse dikgolo, ya mo laodisa naga yotlhe ya Babele; a nna mookamedi yo mogolo wa batlhalefi botlhe ba Babele. Mme ka kopo ya ga Daniele kgosi ya neela Šaterage le Mešage le Abetenego puso ya naga ya Babele; Daniele ene a nna mo ntlong ya kgosi. Kgosi Nebukatenesare o kile a dira setshwantsho sa gouta; bogodimo jwa sona e ne e le mabogo a le 60, boatlhamo jwa sona e le mabogo a le 6; a se emisa kwa nageng ya Babele, fa molapong wa Dura. Kgosi Nebukatenesare a roma go kgobokanya babusi ba dinaga le dikgosana le balaodi ba mephato le bagakolodi le baokamedi ba mahumo le baatlhodi le bakwaledi ba bagolo le balaodi botlhe ba lefatshe la Babele gore ba tle go kgakola setshwantsho se kgosi Nebukatenesare a se emisitseng. Ke fa go phuthega babusi ba dinaga le dikgosana le balaodi ba mephato le bagakolodi le baokamedi ba mahumo le baatlhodi le bakwaledi ba bagolo le balaodi botlhe ba lefatshe leo go kgakola setshwantsho se kgosi Nebukatenesare a se emisitseng; ba tla ba ema fa pele ga setshwantsho se Nebukatenesare a se emisitseng. Ke fa mokui a kuela godimo a re: “Lona merafe le ditšhaba le dipuo, lo a laolwa ga twe: ‘Mogang lo utlwang go lediwa dinaka le ditlhaka le mangope le dirankure le dikwadi le diphala le diletso tsotlhe tsa mefutafuta, lo khubameng, lo obamele setshwantsho sa gouta se kgosi Nebukatenesare a se emisitseng. Mme yo o sa khubameng, a se obamela, o tla latlhelwa ka yona nako eo mo teng ga ntlo ya molelo o o tukang.’ ” Ka moo, ya re merafe yotlhe e utlwa go lediwa dinaka le ditlhaka le mangope le dirankure le dikwadi le diletso tsotlhe tsa mefutafuta, botlhe ba khubama ka pele e le ba merafe le ba ditšhaba le ba dipuo, ba obamela setshwantsho sa gouta se kgosi Nebukatenesare a se emisitseng. Ka sebaka seo banna bangwe ba Bakalatea ba atamela, ba baya Bajuta molato. Ba simolola go bua, ba raya kgosi Nebukatenesare ba re: “Kgosi, phela ka bosakhutleng! Wena kgosi o beile molao o o reng: ‘A batho botlhe, fa ba utlwa go lediwa dinaka le ditlhaka le mangope le dirankure le dikwadi le diphala le diletso tsotlhe tsa mefutafuta, ba khubame, ba obamele setshwantsho sa gouta! Mme yo o sa khubameng, a se obamela, o tla latlhelwa mo teng ga ntlo ya molelo o o tukang.’ Jaanong go na le banna ba Bajuta ba o ba dirileng baokamedi ba puso ya naga ya Babele, e bong Šaterage le Mešage le Abetenego. Banna bao ga ba re sepe ka taolo ya gago, wena kgosi. Modimo wa gago ga ba o tlotle; setshwantsho sa gouta se o se emisitseng ga ba se obamele.” Ke fa Nebukatenesare a laola ka bogale, a gaketse, gore go tlisiwe Šaterage le Mešage le Abetenego. Ya re banna bao ba sena go tlisiwa fa pele ga kgosi, Nebukatenesare a simolola go bua, a ba botsa a re: “A ke ka bomo, wena Šaterage le Mešage le Abetenego, fa lo sa tlotle medimo ya me, fa lo sa obamele setshwantsho sa gouta se ke se emisitseng? Jaanong he, e re lo utlwa go lediwa dinaka le ditlhaka le mangope le dirankure le dikwadi le diphala le diletso tsotlhe tsa mefutafuta, ka nako ya teng lo khubame, lo obamele setshwantsho se ke se dirileng. Mme fa lo sa se obamele, lo tla latlhelwa ka pele mo teng ga ntlo ya molelo o o tukang. E ka nna modimo ofe o o ka lo pholosang mo seatleng sa me?” Šaterage le Mešage le Abetenego ba fetola kgosi Nebukatenesare ba re: “Ga go batlege gore re go arabe ka ntlha ya mafoko a. Fa go ka nna jalo, Modimo wa rona o re o direlang, o nonofile go ka re pholosa mo ntlong ya molelo o o tukang; o tla re golola mo seatleng sa gago, kgosi. Mme le fa o sa dire jalo, a go itsiwe ke wena kgosi, fa re sa ka ke ra tlotla medimo ya gago ka gope, le e seng go obamela setshwantsho sa gouta se o se emisitseng.” Ke fa Nebukatenesare a tuka bogale, a bifela Šaterage le Mešage le Abetenego, a bua, a laola a re: “A go gotsiwe molelo mo ntlong o o fetang wa gale gasupa.” A ba a laela banna ba e leng diganka mo mephatong ya gagwe gore ba bofe Šaterage le Mešage le Abetenego, ba ba latlhele mo ntlong ya molelo o o tukang. Mme banna bao ba bofiwa, ba ntse ba rwele ditlhako le dikuane, ba apere marokgwe le diaparo tse dingwe, ba latlhelwa mo ntlong ya molelo o o tukang. Jaanong ya re ka taolo ya kgosi e ne e le bogale thata, mme go gotsitswe molelo o mogolo thata mo ntlong, banna bao ba ba latlhelang Šaterage le Mešage le Abetenego mo go ona, ba bolawa ke kgabo ya molelo. Mme banna ba bararo bao, Šaterage le Mešage le Abetenego, ba wela mo teng ga ntlo ya molelo o o tukang ba ntse ba bofilwe. Ke fa kgosi Nebukatenesare a rerega, a nanoga ka pele, a bua a botsa ditona tsa gagwe a re: “A ga re a latlhela banna ba le bararo mo teng ga molelo ba ntse ba bofilwe?” Tsa araba, tsa raya kgosi tsa re: “Ee, kgosi!” A fetola a re: “Mme ntlha, ke bona banna ba le bane, ba bofologile, ba itsamaela mo molelong. Ga go na ntho epe mo go bone. Tebego ya wa bone e tshwana le ya morwa medimo.” Ke fa Nebukatenesare a atamela mojako wa ntlo ya molelo o o tukang, a bua a re: “Šaterage le Mešage le Abetenego, lona batlhanka ba Modimo o o godimodimo, tswayang moo, lo tle kwano!” Šaterage le Mešage le Abetenego ba be ba tswa mo molelong. Jaanong ga phuthega babusi ba dinaga le dikgosana le balaodi ba mephato le ditona tsa kgosi, ba bona mo banneng bao, fa molelo o ne o se na thata epe mo mebeleng ya bone, le meriri ya ditlhogo tsa bone e sa kakoga le diaparo tsa bone di sa šwa, le e seng monko wa molelo go utlwala mo go bone. Ya baa gona Nebukatenesare a buang a re: “A go bakwe Modimo wa ga Šaterage le Mešage le Abetenego o o romileng moengele wa ona gore a pholose batlhanka ba ona ba ba o ikantseng, ba tlola taolo ya kgosi, ba neela mebele ya bone mo molelong gore ba se ka ba tlotla modimo ope o sele, le e seng go o obamela, fa e se Modimo wa bone fela. “Jaanong ke tlhoma molao gore mongwe le mongwe, le fa e le wa morafe ofe gongwe wa setšhaba sefe gongwe wa puo efe, yo o tla buang sengwe sa go nyatsa Modimo wa ga Šaterage le Mešage le Abetenego o tla remaganngwa le ntlo ya gagwe e fetolwa thotobolo; ka gonne ga go na modimo ope o sele o o nonofileng go pholosa jaaka ona.” Ke fa kgosi e godisa Šaterage le Mešage le Abetenego mo nageng ya Babele. “Nna kgosi Nebukatenesare ke kwalela batho botlhe, e bong merafe le ditšhaba le ba dipuo ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe ka re: A kagiso ya lona e nne e kgolo! Ke kgatlhwa ke go bolela ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo o o godimodimo o di ntiretseng. “Ditshupo tsa ona di kana kang! Dikgakgamatso tsa ona di dikgolo jang! Bogosi jwa ona ke jo bo sa khutleng; puso ya ona ke ya ditshika tsotlhe. “Nna Nebukatenesare, e rile ke iketlile mo ntlong ya me, ke le mo kagisong mo ntlong ya me ya borena, ka lora toro, mme ya mpoifisa; dikakanyo mo bolaong jwa me le dipono tsa tlhogo ya me tsa ntshosa. Ka laola gore batlhalefi botlhe ba Babele ba tlisiwe fa pele ga me, ba tle go nkitsise tlhaloso ya toro. Ke fa batlhalefi le baitseanape le Bakalatea le balepi ba dinaledi ba tla; ka ba bolelela toro, mme ba palelwa ke go mpolelela tlhaloso ya yona. La bofelo ga ema Daniele fa pele ga me, yo leina la gagwe e leng Beletšhatsare ka fa leineng la modimo wa me, yo mowa wa medimo e e boitshepo o leng mo go ene; ka mmolelela toro. Ka re: ‘Wena Beletšhatsare, mookamedi wa batlhalefi, yo ke itseng fa mowa wa medimo e e boitshepo o le mo go wena, yo o sa palelweng ke sephiri sepe. Utlwa toro ya me e ke e lorileng, o bolele tlhaloso ya yona! “ ‘Dipono tsa tlhogo ya me tse ke di bonyeng ke le mo bolaong jwa me ke tse: Ke lorile, ke bona setlhare se le mo gare ga lefatshe, se goletse kwa godimo thata. Setlhare seo sa nna segolo thata; ntlha ya sona ya fitlha kwa legodimong, sa bonwa kwa dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe. Matlhare a sona a ne a le mantle, maungo a sona a le mantsi, dijo tsa botlhe di le mo go sona. Diphologolo tsa naga tsa se nna moriti; dinonyane tsa loapi tsa aga mo dikaleng tsa sona; tsotlhe tse di phelang tsa ja mo go sona. “ ‘Ka leba mo diponong tsa tlhogo ya me ke le mo bolaong jwa me, ka bona moengele yo o boitshepo a fologa kwa legodimong, a kua thata, a bua jaana a re: Remang setlhare seo, kgaolang dikala tsa sona, tlhotlhorang matlhare a sona, lo phatlalatse maungo a sona! A diphologolo di tshabe di tloge fa tlase ga sona, le dinonyane mo dikaleng tsa sona! Fela lo tlogele thito mo fatsheng, e na le medi ya yona, e bofilwe ka keetane ya tshipi le kgotlho mo bojannye jo botala jwa naga. “ ‘A e kolobediwe ke monyo wa legodimo, e tlhakanele merogo ya lefatshe le diphologolo. A pelo ya gagwe ya setho e fetoge, mme a fiwe pelo ya sephologolo, a ba a fetwe ke dipaka tse supa. Go laotswe jalo ka katlholo ya baengele; ke mafoko a baitshepi a a lopang jalo gore ba ba phelang ba tle ba itse, fa Mogodimodimo a na le thata mo bogosing jwa motho, a kgona go bo neela yo a ratang go bo mo neela; le go ka dira kgosi yo e leng motho fela.’ “Ke yona pono e ke e bonyeng mo torong, nna kgosi Nebukatenesare, mme wena Beletšhatsare, bolela tlhaloso ya yona; gonne batlhalefi botlhe ba ba mo pusong ya me ba paletswe ke go mpolelela tlhaloso, mme wena o nonofile, ka gore mowa wa medimo e e boitshepo o mo go wena.” Ke fa Daniele yo leina la gagwe e leng Beletšhatsare a tlhoka puo sebaka; megopolo ya gagwe ya mo rera. Kgosi ya bua, ya raya Beletšhatsare ya re: “A toro le tlhaloso ya yona di se ka tsa go tshosa.” Beletšhatsare a fetola a re: “Morena wa me, a toro eo e dirafalele ba ba go tlhoileng, le tlhaloso ya yona e dirafalele baba ba gago! Setlhare seo o se bonyeng, se se godileng thata, se ntlha ya sona e fitlhileng kwa legodimong, se bonwa kwa dikhutlong tsa lefatshe lotlhe; se matlhare a sona e neng a le mantle, maungo a sona a le mantsi, dijo tsa dilo tsotlhe di le mo go sona; diphologolo tsa naga di se nna moriti; dinonyane tsa loapi di aga dintlhaga mo dikaleng tsa sona: “Setlhare seo ke wena kgosi; o mogolo, o thata; bogolo jwa gago bo goletse kwa godimo, bo ama legodimo, le puso ya gago e fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe. Jaanong fa e le moengele yo o boitshepo yo kgosi e mmonyeng a fologa kwa legodimong, a laola a re: ‘Remang setlhare seo, lo se senye; fela lo sadise thito mo mmung, e na le medi ya yona, e bofilwe ka keetane ya tshipi le kgotlho mo bojannye jo botala jwa naga, mme a e kolobediwe ke monyo wa legodimo, e phele le diphologolo tsa naga, go fitlhelela e fetwe ke dipaka tse supa.’ “Tlhaloso ya teng ke e – mme se se tla dirafalelang kgosi, morena wa me, se laotswe ke Mogodimodimo: Wena o tla lelekwa mo bathong, o nna le diphologolo tsa naga, o fudisiwa bojang jaaka dikgomo, o kolobediwa ke monyo wa legodimo, o fetwa ke dipaka tse supa go fitlhelela o itse, fa Mogodimodimo a na le thata mo bogosing jwa motho, a bo neela yo a ratang go bo mo neela. Jaanong fa go laotswe gore go sadisiwe thito ya setlhare e e nang le medi, ke go re: Bogosi jwa gago o tla boela mo go jona, o sena go lemoga gore puso ke ya legodimo. Ka moo, kgosi, a kgakololo ya me e go kgatlhe fa ke re: Tlosa maleo a gago ka ditiro tse di siameng, le melato ya gago ka go tlhomogela babogisegi pelo! E ka re gongwe o a phela o iketlile ka boleele.” Tsotlhe tseo di dirafaletse kgosi Nebukatenesare. E rile dikgwedi di le 12 di sena go feta, kgosi ya bo e itsamaela mo godimo ga ntlo ya borena kwa Babele, ya bua ya re: “A se ga se ona motse o mogolo wa Babele o ke o agileng ka thata e kgolo ya me go nna mošate, e le go galaletsa borena jwa me?” Ya re kgosi e sa ntse e bua jalo, ga utlwala lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Kgosi Nebukatenesare, o a bolelelwa gore bogosi bo tlosiwa mo go wena. O tla lelekwa mo bathong, o nna le diphologolo tsa naga, o fudisiwa bojang jaaka dikgomo, o fetwa ke dipaka tse supa go fitlhelela o lemoga gore, Mogodimodimo o na le thata mo bogosing jwa motho, o bo neela yo a ratang go bo mo neela.” Lefoko leo la akofa la dirafalela Nebukatenesare ka nako eo. A lelekwa mo bathong, a fula bojang jaaka dikgomo; mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo wa legodimo, ga tsamaya moriri wa gagwe wa leelefala jaaka diphuka tsa manong, le dinala tsa gagwe jaaka tsa dinonyane. “E rile malatsi ao a sena go feta, nna Nebukatenesare ka tsholeletsa matlho kwa legodimong, ka boelwa ke tlhaloganyo ya me, ka baka Mogodimodimo, ka tumisa yo o phelang ka bosakhutleng, ka mo tlotla. “Thata ya gagwe ke thata e e sa khutleng; bogosi jwa gagwe ke jwa ditshika tsotlhe. Baagi botlhe ba lefatshe ga ba kaiwe sepe. O direla mophato wa legodimo le baagi ba lefatshe ka fa a ratang ka teng. Ga go na ope yo o ka thibelang letsogo la gagwe, gongwe yo o ka mo arabisang a re: ‘O dirang?’ “Ka yona nako eo tlhaloganyo ya me ya boela mo go nna, le tlotlego ya me le kgalalelo ya me tsa boela mo go nna e le go tumisa bogosi jwa me; ditona tsa me le dikgosana tsa me tsa mpatla, ka busediwa gape mo bogosing jwa me, ka fiwa bogolo jo bo fetang jwa pele. “Jaanong nna Nebukatenesare ke tumisa Kgosi ya legodimo, ke a e godisa, ke a e tlotla ka re: Tiro tsotlhe tsa yona ke tsa mannete, ditsela tsa yona di siame; ba ba sepelang ka boikgodiso, o itse go ba kokobetsa.” Kgosi Belešatsare o kile a direla ditona tsa gagwe di le sekete moletlo o mogolo, a nwa weine fa pele ga di le sekete tseo. Ya re Belešatsare a ntse a natefelwa ke weine, a laola gore go tlisiwe dijana tsa gouta le tsa selefera tse rraagwe Nebukatenesare a di ntshitseng mo Tempeleng ya Jerusalema, gore go nwe kgosi le ditona tsa yona le basadi ba yona le dinyatsi tsa yona ka tsona. Ke fa dijana tsa gouta di tlisiwa tse di ntshitsweng mo Tempeleng, e e leng Ntlo ya Modimo kwa Jerusalema. Kgosi le ditona tsa yona le basadi ba yona le dinyatsi tsa yona ba nwa ka tsona. Ya re ba ntse ba nwa weine, ba baka medimo ya gouta le ya selefera le ya kgotlho le ya tshipi le ya logong le ya lefika. Ka yona nako eo ga bonala menwana ya seatla sa motho, ya kwala mo loboteng lo losweu lwa ntlo ya kgosi go lebagana le setlhomo sa lobone; kgosi ya bona ntlha ya seatla se se kwalang. Ke fa kgosi e setlhafala sefatlhego; megopolo ya yona ya e tshosa, malokololo a dirope tsa yona a repa, mangole a yona a itayana. Kgosi ya kuela godimo ya re: “A go tlisiwe baitseanape le Bakalatea le balepi ba dinaledi!” Jaanong kgosi ya bua, ya raya batlhalefi ba Babele ya re: “Le fa e le mangmang yo o ka buisang lokwalo lole, a mpolelela tlhaloso ya lone, o tla apesiwa ka masela a mantle a mahibidu, a kgabisiwa ka keetane ya gouta mo molaleng wa gagwe; o tla nna molaodi wa boraro mo bogosing.” Batlhalefi botlhe ba kgosi ba ne ba tsenye, mme ba palelwa ke go buisa lokwalo loo le go itsise kgosi tlhaloso ya lone. Ka moo kgosi Belešatsare a rerega thata, a setlhafala sefatlhego; ditona tsa gagwe tsa tseana. Mmaagwe kgosi a ba a tsena mo ntlong ya moletlo ka ntlha ya go goa ga kgosi le ga ditona tsa yona. Mmaagwe a bua a re: “Wena kgosi, phela ka bosakhutleng! A dikakanyo tsa gago di se ka tsa go tshosa! O se ka wa setlhafala sefatlhego! Go na le monna mo pusong ya gago yo o nang le mowa wa medimo e e boitshepo. Mo metlheng ya ga rraago ga fitlhelwa lesedi le temogo le botlhale jo bo tshwanang le botlhale jwa medimo mo go ene, mme rraago, kgosi Nebukatenesare, o ne a mo dirile mookamedi wa batlhalefi le baitseanape le Bakalatea le balepi ba dinaledi – rraago, wena kgosi – Ka gonne go ne go fitlhetswe mowa wa maatlametlo le kitso le tlhaloganyo mo go Daniele yoo, yo kgosi e neng e mmitsa Beletšhatsare. O ne a itse go tlhalosa ditoro le go phutholola dinyepo le go senola diphiri. Jaanong he, a go bidiwe Daniele; ene o tla bolela tlhaloso.” Ke fa Daniele a tlisiwa fa pele ga kgosi. Kgosi ya botsa Daniele ya re: “A ke wena Daniele, mongwe wa batshwarwi ba Bajuta, ba kgosi, e bong rre, e ba ntshitseng kwa Juta, ya ba tlisa mono? Ke utlwile ka ga gago go twe, mowa wa medimo o mo go wena; le gona go fitlhetswe lesedi le temogo le botlhale jo bogolo mo go wena. Batlhalefi le baitseanape ke ba, ke gona ba tlisiwang fa pele ga me gore ba buise lokwalo lole le go nkitsise tlhaloso ya lone, mme ba palelwa ke go mpolelela phuthololo ya dilo tseo. Mme ke utlwile ka ga gago go twe, o itse go tlhalosa le go senola diphiri. Jaanong he, fa ò ka kgona go buisa lokwalo lole le go nkitsise tlhaloso ya lone, ò tla apesiwa masela a mantle a mahibidu, ò kgabisiwa ka keetane ya gouta mo molaleng wa gago; le gona ò tla nna molaodi wa boraro mo mmusong.” Ke fa Daniele a fetola, a bua fa pele ga kgosi a re: “Dimpho tsa gago a e nne tsa gago; dineo tsa gago di nee o sele! Mme lokwalo lole ke tla lo buisetsa kgosi, ke e itsise tlhaloso ya lone: “Wena kgosi, Modimo o o godimodimo o ne o neetse rraago Nebukatenesare bogosi le bogolo le kgalalelo le borena. Batho botlhe, e bong merafe le ditšhaba le ba dipuo ba ne ba roroma ka ntlha ya bogolo jo a bo filweng, ba mmoifa; a bolaya motho, a phedisa motho, a godisa motho, a kokobetsa motho, fela ka fa a ratang ka teng. Mme ya re pelo ya gagwe e ikgodisa, le mowa wa gagwe o gogomoga le go ikgantsha, a digwa mo sedulong sa bogosi jwa gagwe; tlotlo ya gagwe ya tlosiwa mo go ene. A lelekwa mo bathong, pelo ya gagwe ya nna jaaka ya phologolo, a nna le diesele tsa naga, a fudisiwa bojang jaaka dikgomo; mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo wa legodimo, ga tsamaya a be a itse, fa Modimo o o godimodimo o na le thata mo bogosing jwa motho, o bo neela yo o ratang go bo mo neela. “Jaanong wena Belešatsare morwawe, ga ò a ka wa kokobetsa pelo ya gago, le fa ò ne ò itse dilo tsotlhe tseo. Mme ò ikgodiseditse Morena wa legodimo; dijana tsa Tempele ya gagwe tsa tlisiwa fa pele ga gago, lwa nwa weine ka tsona, wena le ditona tsa gago le basadi ba gago le dinyatsi tsa gago. Medimo ya selefera le ya gouta le ya kgotlho le ya tshipi le ya logong le ya lefika e e sa boneng, e e sa utlweng, e e sa itseng sepe, yona ò e bokile, mme Modimo o mowa wa bophelo jwa gago o leng mo diatleng tsa ona, o o laolang ditsela tsotlhe tsa gago, ona ga ò a ka wa ò tlotla. Ke ka moo go rometsweng seatla sele ke ona, ga kwalwa lokwalo lole. Lokwalo loo lo lo kwadilweng fale ke lo lo reng: ‘Mene, mene, tekele, ufaresine.’ Tlhaloso ya mafoko ao ke e: Mene, ke go re: Modimo o badile malatsi a bogosi jwa gago, wa bo khutlisa. Tekele, ke go re: O lekantswe ka selekanyetso, mme wa fitlhelwa ò le motlhofo. Pherese, ke go re: Bogosi jwa gago bo kgaogantswe, jwa neelwa Bamedia le Baperesia.” Ke fa Belešatsare a laola gore ba apese Daniele masela a mantle a mahibidu, ba mo kgabise ka keetane ya gouta mo molaleng wa gagwe. Le gona ba tlhaba mokgosi o o reng: “Ke ene molaodi wa boraro mo mmusong.” Belešatsare, kgosi ya Bakalatea, a bolawa bosigo jona joo. Dario wa Momedia a amogela bogosi joo a le dinyaga di le 62. Dario o ne a bona gore go molemo go baya dikgosana di le 120 tse di disang puso yotlhe. Dikgosana tseo a di beela baokamedi ba le bararo ba Daniele e leng mongwe wa bone, ba dikgosana di tshwanetseng go dira ka fa tlase ga bone gore kgosi e se ka ya senyegelwa ke sepe. Ke fa go bonala gape gore Daniele o gaisa baokamedi le dikgosana, ka gonne go ne go le mowa wa maatlametlo mo go ene. Kgosi ya akanya go mo dira mookamedi wa puso yotlhe. Ka moo baokamedi mmogo le dikgosana ba batla lebaka go ka baya Daniele molato ntlheng ya puso, mme ba palelwa ke go bona molato gongwe tshenyo mo go ene; ka gonne o ne a ikanyega, go sa bonwe phoso epe le e seng tshenyo mo go ene. Banna bao ba tlhoboga foo ba re: “Ga re nke re bona molato ope mo go Daniele yo, fa re sa o batle mo tirelong-Modimo ya gagwe.” Ke fa baokamedi bao le dikgosana ba itlhaganela, ba ya kwa kgosing, ba e raya ba re: “Kgosi Dario, phela ka bosakhutleng! Baokamedi botlhe ba puso le bagolo le dikgosana le bagakolodi le balaodi ba mephato ba utlwanye gore go bewe molao wa kgosi, go ntshiwe kiletso e e gagamaditsweng e e reng: ‘Le fa e le mangmang yo o tla kopang sengwe thapelong mo modimong mongwe gongwe mo mothong ka malatsi a le 30, fa e se mo go wena kgosi fela, o tla latlhelwa mo logageng lwa ditau.’ Jaanong kgosi, baya kiletso, ò ntshe molao o o kwadilweng, o o sa fetolweng, o o tshwanang le molao wa Bamedia le Baperesia o o sa ka keng wa dirololwa.” Ka ntlha ya tseo kgosi Dario a kwala molao oo, le kiletso eo. E rile Daniele a sena go utlwa gore molao oo o kwadilwe, a tsena mo ntlong ya gagwe; o ne a na le difenstere tse di bulegileng mo ntlwaneng ya gagwe e e kwa godimo tse di lebileng kwa Jerusalema; a khubama teng gararo ka mangole ka letsatsi leo, a rapela, a leboga Modimo wa gagwe, jaaka a ne a ntse a dira pele ga foo. Ke fa banna bale ba itlhaganela, ba ya teng, ba fitlhela Daniele a rapela, a kopa bopelotlhomogi fa pele ga Modimo wa gagwe. Ba ya kwa kgosing, ba e botsa ka ga kiletso ya kgosi ba re: “A ga ò a kwala kiletso e e reng: Le fa e le mang yo o kopang sengwe mo modimong mongwe gongwe mo mothong ka malatsi a le 30, fa e se mo go wena kgosi fela, o tla latlhelwa mo logageng lwa ditau?” Kgosi ya araba ya re: “Kiletso eo e tlhomame jaaka molao wa Bamedia le Baperesia o o sa dirololweng.” Ba boa ba fetola, ba begela kgosi ba re: “Daniele, mongwe wa batshwarwi ba Bajuta, ga a re sepe ka wena kgosi, le kiletso e ò e kwadileng ga a e kgathalele. O ntse a rapela thapelo ya gagwe gararo ka letsatsi.” Ya re kgosi e utlwa puo e, ya utlwa botlhoko thata, ya logela Daniele maano a go mo golola; ya nna ya batla tsela ya go mo pholosa ga tsamaya letsatsi la phirima. Jaanong banna bao ba itlhaganela, ba ya kwa kgosing, ba raya kgosi ba re: “Kgosi, itse gore ke molao wa Bamedia le wa Baperesia o o reng: Kiletso nngwe le nngwe le molao mongwe le mongwe tse di beilweng ke kgosi, ga di ka ke tsa fetolwa.” Ya baa gona kgosi e atlholang jalo, mme ba tlisa Daniele, ba mo latlhela mo logageng lwa ditau. Kgosi ya raya Daniele ya re: “Modimo wa gago o ò o direlang ka gale, a ona o go pholose!” Ga tlisiwa lefika, la bewa mo botsenong jwa logaga; mme kgosi ya le kana ka palamonwana ya yona le ka palamonwana ya ditona tsa yona gore go se ka ga fetolwa sepe sa katlholo ka ga Daniele. Ke fa kgosi e tloga, e ya kwa ntlong ya yona, e lala e itimile dijo; ya se ka ya laola go tlisediwa bagadingwana, ya ba ya tlhoka boroko. Ya re mahube a bonala, kgosi ya tsoga phakela, ya itlhaganela, ya ya kwa logageng lwa ditau. Ya re e atamela logaga, ya bitsa Daniele ka lentswe le le hutsafetseng; kgosi ya botsa Daniele ya re: “Daniele, motlhanka wa Modimo o o phelang, a Modimo wa gago o ò o direlang ka gale o ne o nonofile go go boloka mo ditaung?” Daniele a araba kgosi a re: “Kgosi, phela ka bosakhutleng! Modimo wa me o romile moengele wa ona; ene o momisitse ditau melomo, ga di a ntira sepe; ka gonne ga ke a bonwa molato fa pele ga ona; le fa pele ga gago, kgosi, ga ke a dira tshiamololo epe.” Jaanong kgosi ya itumela thata, ya laola gore Daniele a ntshiwe mo logageng. Daniele a ntshiwa jalo mo logageng, go sa bonwe ntho epe mo go ene, gonne o ne a ikantse Modimo wa gagwe. Kgosi ya ba ya laola gore go tlisiwe banna bale ba ba sentseng Daniele leina, mme ba latlhelwa mo logageng lwa ditau, bone le bana ba bone le basadi ba bone. Ya re ba ise ba fitlhe fa fatshe logageng, ditau tsa ba kapa, tsa ruga marapo otlhe a bone. Morago ga moo kgosi Dario ya kwalela batho botlhe ba merafe le ditšhaba le dipuo ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe ya re: “A kagiso ya lona e nne kgolo! Molao o beilwe ke nna o o reng: A batho ba rorome fa pele ga Modimo wa ga Daniele, ba o boife mo pusong yotlhe ya bogosi jwa me! “Gonne ke ona Modimo o o phelang, o o tlhomameng ka bosakhutleng. Bogosi jwa ona ke jo bo sa senyegeng; puso ya ona ga e fele. Ke ona Mogolodi le Mopholosi; o dira ditshupo le dikgakgamatso kwa legodimong le mono lefatsheng; ona o o pholositseng Daniele mo maroong a ditau!” Daniele yoo o ne a tshegofala mo pusong ya ga Dario le mo pusong ya ga Korese wa Moperesia. Ka ngwaga wa ntlha wa ga Belešatsare, kgosi ya Babele, Daniele a bona toro le dipono tsa tlhogo ya gagwe a le mo bolaong jwa gagwe. Ke fa a kwala toro, a bolela ditlhogo tsa mafoko. Daniele a simolola go kwala a re: “Mo diponong tsa bosigo ka bona diphefo tse nne tsa legodimo di hudua lewatle le legolo, le diphedi tse dikgolo di le nne di tswa mo lewatleng, mme di sa tshwane. Sa ntlha sa bo se tshwana le tau, se na le diphuka tsa ntsu. Ka leba ka ba ka bona diphuka tsa sona di kumolwa, sa ba sa tsholediwa mo fatsheng, sa emisiwa ka dinao jaaka motho, sa newa pelo ya motho. “Ka ba ka bona sephedi se sengwe sa bobedi, se tshwana le Bere, se emisitswe ka lotlhakore lo lo longwe, se hupile dikgopo di le tharo ka meno; sa laolwa ga twe: ‘Tsoga o je nama thata!’ “Morago ga moo ka leba, ka bona se sengwe, se tshwana le nkwe, se na le diphuka di le nne tsa nonyane mo mokokotlong wa sona. Sephedi seo se ne se na le ditlhogo di le nne, se filwe puso. “Morago ga moo ka leba mo diponong tsa bosigo, ka bona sephedi sa bone, e le se se tshabegang, se se boifisang, se se setlhogo thata; se na le meno a magolo a tshipi; sa ja, sa tlhafuna, sa gataka tse di setseng ka maroo; sa tshwanologa le diphedi tsotlhe tsa pele; sa bo se na le dinaka di le some. Ya re ke ela dinaka tseo tlhoko, ka bona lonaka lo longwe lo lonnye lo tlhoga mo gare ga tsona, ga somolwa di le tharo tsa dinaka tsa pele fa pele ga lone. Ka bona lonaka loo lo na le matlho a a tshwanang le matlho a motho le molomo o o ikgantshang thata. “Ya re ke ntse ke lebile, ga bewa ditulo tsa bogosi, Rra-metlha-yotlhe a nna fatshe; a apere kobo e tshweu jaaka semathana; moriri wa tlhogo ya gagwe o tshwana le boboa jo bo phepa; sedulo sa bogosi sa gagwe e le dikgabo tsa molelo, maotwana a sona e le molelo o o tukang. Noka ya molelo ya ela e tswa fa go ene; ba le dikete ga sekete ba mo direla; ba le dikete di le masome ga dikete di le lesome ba ne ba eme fa pele ga gagwe. Lekgotla la nna fatshe, dikwalo tsa phuthololwa. “Ka nna ka leba ka ntlha ya tlhodio ya mafoko a boikgantsho a a buiwang ke lonaka; ya re ke ntse ke lebile, sephedi seo sa bolawa, mmele wa sona wa nyelediwa ka go latlhelwa mo molelong go fisiwa. Diphedi tse dingwe le tsona tsa amogwa puso, tsa beelwa sebaka le dinako tsa bophelo. “Ka nna ka leba mo diponong tsa bosigo, ka bona yo o tshwanang le Morwa-Motho a tla ka maru a legodimo, a fitlha kwa go Rra-metlha-yotlhe, a atamediwa fa pele ga gagwe. A neelwa puso le kgalalelo le bogosi, a direlwa ke batho botlhe ba merafe le ditšhaba le dipuo. Puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng e e sa nyeleleng; bogosi jwa gagwe ke jo bo sa fedisiweng ke ope. “Nna Daniele ke ne ka tshwenyega mo moweng ka ntlha ya tseo; dipono tsa tlhogo ya me tsa ntshosa. Ka atamela mongwe wa ba ba emeng teng, ka kopa nnete ya dilo tseo tsotlhe mo go ene. A mpolelela, a nkitsise tlhaloso ya dilo tseo a re: ‘Diphedi tse nne tseo tse dikgolo di kaya gore go tla tsoga dikgosi di le nne mo lefatsheng. Mme baitshepi ba Mogodimodimo ba tla amogela bogosi; bogosi e tla nna jwa bone go ya go ile le ka bosenabokhutlo jotlhe.’ “Ka ba ka eletsa go itse nnete ka ga sephedi sa bone, se se neng se sa tshwane le tsotlhe tse dingwe, e le se se boitshegang thata, se se nang le meno a tshipi le maroo a kgotlho; se se neng se ja, se tlhafuna, se gataka tse di setseng ka maroo; le ka ga dinaka di le some tse di neng di le mo tlhogong ya sona, le ka ga lo longwe lo lo tlhogileng le dinaka tse tharo tsele di oleng fa pele ga lone, e bong lonaka loo, lo lo neng lo na le matlho le molomo o o buang tsa boikgantsho, lo e keteng lo logolo go feta dilekane tsa lone. “Ka nna ka bona lonaka loo lo lwa le baitshepi, lo ba fenya, go fitlhelela Rra-metlha-yotlhe a tla, a atlholela baitshepi ba Mogodimodimo; mme nako ya fitlha ya baitshepi go rua bogosi. “Jaanong a nthaya jaana a re: ‘Sephedi sa bone se kaya gore bogosi jwa bone bo tla nna teng mo lefatsheng, bo sa tshwane le magosi otlhe a mangwe. Bo tla metsa lefatshe lotlhe, bo le gataka, bo le pšhwetlakanya. Dinaka di le some di kaya gore mo bogosing joo go tla tsoga dikgosi di le some; kgosi e nngwe e tla tsoga sehularong sa tsona e sa tshwane le tsa pele, e diga dikgosi di le tharo. E tla bua mafoko a go kgala Mogodimodimo, e bogisa baitshepi ba Mogodimodimo setlhogo. E tla leka go fetola dipaka tsa meletlo le molao. Baitshepi ba tla neelwa mo thateng ya yona go fitlhelela go fete sebaka le dipaka di le pedi le bontlhanngwe jwa sebaka. Mme lekgotla le tla nna, le e amoga puso ya yona gore e nyelelediwe ruri, e fedisediwe ruri. Mme bogosi le puso le borena jwa magosi a a fa tlase ga legodimo lotlhe di tla neelwa morafe wa baitshepi ba Mogodimodimo. Bogosi jwa gagwe ke bogosi jo bo sa khutleng. Dipuso tsotlhe di tla mo direla, di mo utlwa.’ “Mafoko ao a felela foo. Nna Daniele, dikakanyo tsa me di ne di ntshositse thata, mmala wa sefatlhego sa me o ne o fetogile mo go nna. Mme mafoko ao ke a bolokile mo pelong ya me.” Ka ngwaga wa boraro wa puso ya kgosi Belešatsare, nna Daniele ka bona pono, ya latela ele e nkileng ka e bona pele. Ka bona mo ponong; ya re ke leba, ya ne e kete ke mo ntlong ya borena e e kwa Susane mo nageng ya Elame; ka ipona mo ponong ke le fa nokeng Ulai. Ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona phelehu e eme fa nokeng, e na le dinaka di le pedi; dinaka tse pedi tseo di ne di le ditelele, mme longwe lo le loleele go feta lo longwe; lo loleele lwa gola morago. Ka bona phelehu e thulela kwa bophirimatsatsi le kwa bokone le kwa borwa, go se na phologolo epe e e kgonang go emelana nayo, go se na ope yo o ka gololang mo thateng ya yona; ya dira ka fa e ratang ka teng, ya nna kgolo. Ya re ke ntse ke etse tlhoko, ka bona phoko e tswa kwa bophirimatsatsi, e tlela lefatshe lotlhe, e sa ame fa fatshe; phoko eo ya bo e na le lonaka lo lo bonalang lo logolo fa gare ga matlho. Ya fitlha kwa phelehung e e nang le dinaka tse pedi, e ke e bonyeng e eme fa nokeng; ya e tlhasela ka thata e e bogale ya yona. Ka e bona e atamela phelehu, e e galefetse ka bogalaka, ya thula phelehu, ya roba dinaka tse pedi tsa yona, go se na thata epe mo phelehung go ka emelana nayo; ya e digela fa fatshe, ya e gataka, phelehu e se na yo o ka e gololang mo thateng ya yona. Phoko ya thatafala mo go fetisang; ya re e tiile thata, ga robega lonaka lo logolo loo, ga tlhoga tse dingwe di le nne mo boemong jwa lone mo dintlheng tse nne tsa legodimo. Mo go longwe lwa tseo ga tswa lonaka lo lonnyennyane, lwa tloga lwa gola mo go fetisang; lwa golela kwa borwa le kwa botlhabatsatsi le kwa lefatsheng le lentle la Kanana. Lwa ba lwa golela kwa lesomong la legodimo; tse dingwe tsa lesomo leo, e leng dinaledi, lwa di digela fa fatshe, lwa di gataka. Le gona lwa ikgodisetsa Kgosi ya lesomo leo, ya ba ya timiwa tshupelo ya malatsi otlhe, mme ga digwa Felo-ga-Boitshepo ga yona. Tshupelo e e maila ya sutisa tshupelo ya malatsi otlhe; boammaaruri jwa digelwa fa fatshe; lonaka lwa kgona tsotlhe tse lo di dirang. Ka utlwa mongwe wa baitshepi a bua; jaanong moitshepi yo mongwe a botsa yo o buang a re: “Tsa pono eo di tla dirafala go fitlha leng, tshupelo ya malatsi otlhe e ntse e tlositswe, le makgapha a tshenyo a ntse a beilwe, le Felo-ga-Boitshepo go ntse go gatakwa?” A mo araba a re: “E tla re mantsiboa le meso e e dikete-pedi le makgolo a le mararo di sena go feta, foo Felo-ga-Boitshepo go tla siamisiwa.” Ya re nna Daniele ke sena go bona pono eo, mme ke ntse ke leka go e tlhaloganya, ka bona sengwe se eme fa pele ga me, e kete ke motho. Ka utlwa lentswe la motho le tswa mo teng ga noka ya Ulai, le kua le re: “Gaberiele! Mo tlhalosetse pono eo.” Jaanong a tla fa ke emeng teng; ya re a tla, ka rerega, ka wela fa fatshe ka sefatlhego. Ke fa a nthaya a re: “Morwa-motho, ela tlhoko, gonne pono e supa sebaka sa bofelo.” Ya re a bua le nna, ka idibala, ke ntse ke patlame; ke fa a nkama, a nkemisa fa ke neng ke eme teng. A ba a re: “Bona, ke tla go itsise tse di tla dirafalang mo sebakeng sa bofelo sa petso. Gonne pono e lebile sebaka se se beilweng sa bofelo. “Phelehu e o e bonyeng e e nang le dinaka tse pedi ke dikgosi tsa Media le Peresia. Mme phoko e e boboa ke kgosi ya Gerika; lonaka lo logolo lo lo fa gare ga matlho a yona ke kgosi ya ntlha ya teng. Jaanong jaaka e rile lo sena go robega, ga tlhoga di le nne mo boemong jwa lone, ke go re: Magosi a mane a tla tsoga mo setšhabeng sa yona kgosi, fela ga a ne a nna le thata jaaka yona. “Mme e tla re puso ya ona e ya go fela, fa baikepi ba tlatsa selekanyo sa maleo a bone, go tsoge kgosi e e sefatlhego – sematepe, e le setswerere sa bolotsana. Thata ya yona e tla nna kgolo, mme e se ka boyona ka yosi; e tla senya mo go boitshegang, e dira jalo e ntse e le tlhogonolo; e tla senya ba ba thata le ba morafe wa baitshepi; e tla ba logela maano, e tswelela pele ka thata ya bolotsana jwa yona; e akanya tse dikgolo mo pelong ya yona, e senya ba bantsi, e ba wela ka tshoganyetso. La bofelo e tla tsogela Kgosi ya dikgosi, mme e tla robaganngwa e se ka seatla sa motho. Fa e le pono ya mantsiboa le meso, tse di builweng ka ga yona ke boammaaruri. Mme wena boloka pono eo, gonne e lebile malatsi a a kwa kgakala.” Nna Daniele ka fokola, ka lwala malatsi a mantsi; ka ba ka tsoga, ka dira tiro ya kgosi, ke ntse ke gakgamalela pono eo, ke sa e lemoge ka botlalo. Ka ngwaga wa ntlha wa ga Dario, morwa Ahasewerose, wa losika lwa Bamedia, yo o neng a dirwa kgosi ya lefatshe la Bakalatea; ka ona ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe, nna Daniele ka ela palo ya dinyaga tlhoko mo dikwalong tse di tla fetang ka fa Lefokong la Morena le le tlileng kwa go moporofeti Jeremia, Jerusalema e ntse e le marope fela, e bong dinyaga tse di 70. Ka lebisa sefatlhego kwa Moreneng Modimo go dira thapelo le mokokotlelo ka go itima go ja le go apara kgetse, ke ntse mo moloreng. Ka rapela Morena, Modimo wa me, ka ipobola ka re: “Ao! Morena, Modimo o mogolo o o boitshegang; ba ba go ratang, ba ba tshegetsang ditaolo tsa gago, o ba bolokela kgolagano le bopelotlhomogi. “Re leofile, ra dira molato, ra ikepa, ra go tsogela, ra fapoga mo ditaolong tsa gago le mo tshiamong ya gago. Ga re a ka ra utlwa baporofeti, batlhanka ba gago, ba ka bone o buileng le dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona le borraetsho le morafe otlhe wa lefatshe. Morena, wena o mo tshiamong; rona re mo ditlhonnye tsa difatlhego jaaka go bonala kajeno; rona banna ba Juta le baagi ba Jerusalema le Baiseraele botlhe ba ba gaufi le ba ba kgakala mo mafatsheng aotlhe, kwa o ba leleketseng gona ka ntlha ya boikanyologo jwa bone jo ba go leofetseng ka jona. Morena, se se re tshwanetseng le dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona le borraetsho ke difatlhego tse di tlhajwang ke ditlhong, ka gonne re go leofetse. Mme go na le bopelotlhomogi le boitshwarelo mo Moreneng, Modimo wa rona; le fa re mo tsogetse ka go sa utlweng lentswe la Morena, Modimo wa rona, le e seng go sepela ka fa melaong ya gagwe e o e beileng fa pele ga rona ka baporofeti, batlhanka ba gagwe. Baiseraele botlhe ba tlodile molao wa gago, ba fapoga ka go se reetse lentswe la gago. Ka moo khutso le maikano tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moše, motlhanka wa Modimo, tsa goromelediwa mo go rona, gonne re o leofetse. O dirafaditse mafoko a ona a o a buileng ka ga rona le ka ga babusi ba rona ba ba neng ba re busa, ka go digela tatlhego e kgolo mo go rona, e e iseng e ke e dirafale fa tlase ga letsatsi, jaaka e dirafaletse Jerusalema kajeno. Tatlhego yotlhe eo e re dirafaletse fela jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moše; le gona ga re a kopa bopelotlhomogi fa pele ga Morena, Modimo wa rona, ka go tlogela maleo a rona le ka go tlhokomela boammaaruri jwa gagwe. Ke ka moo Morena a tlhoafaletseng go re digela mo tatlhegong. Gonne Morena, Modimo wa rona, o siame mo ditirong tsotlhe tsa gagwe tse o di dirileng; mme ga re a reetsa lentswe la gagwe. “Jaanong Morena, Modimo wa rona, yo ò ntshitseng morafe wa gago mo lefatsheng la Egepeto ka letsogo le le thata, wa itirela leina le le tumileng jaaka le ntse kajeno – re leofile, ra ikepa – Morena, ka ntlha ya bopelotlhomogi jotlhe jwa gago, a bogale jwa gago le kgalefo ya gago di tloge mo Jerusalema, motseng wa gago, le mo thabeng e e boitshepo ya gago. Gonne Jerusalema le rona batho ba gago re kgobiwa ke botlhe ba ba mo tikologong ya rona ka ntlha ya maleo a rona le ka ntlha ya melato ya borraetsho. Jaanong, Modimo wa rona, a ko o utlwe thapelo ya motlhanka wa gago le mekokotlelo ya gagwe, o phatsimisetse Felo-ga-Boitshepo ga gago fa go senyegileng sefatlhego sa gago ka ntlha ya gago, Morena. Modimo wa me, sekega tsebe, o reetse; budulola matlho, o bone marope a rona le motse o o biditsweng ka leina la gago. Gonne ga re ikanye ditiro tse di siameng tsa rona, fa re baya mekokotlelo ya rona fa pele ga gago; mme re ikanya mautlwelo-botlhoko a magolo a gago. Ao, Morena, utlwa! Morena, itshwarele! Morena, ela tlhoko, o dire jalo; se diege ka ntlha ya gago, Modimo wa me. Gonne motse wa gago le morafe wa gago di bidiwa ka leina la gago.” E rile ke sa ntse ke bua jalo, ke rapela, ke ipobola boleo jwa me le boleo jwa Baiseraele, morafe wa ga etsho, ke baya morapelo wa me fa pele ga Morena, Modimo wa me, ka ntlha ya thaba e e boitshepo ya Modimo wa me; ya re ke sa ntse ke bua jalo mo thapelong ya me, monna yole Gaberiele yo nkileng ka mmona mo ponong, a fofela kwa go nna ka lobelo, a nkama ka nako ya tshupelo ya mantsiboa. A tlhalosa, a bua le nna a re: “Daniele, ke tlile jaanong gore ke go nee phuthololo e e utlwalang sentle. E rile o simolola go rapela, ka neelwa Lefoko, mme ke tlile go le go bolelela, gonne o monna yo o ratiwang. Ka moo he, ela Lefoko tlhoko, o tlhokomele pono: “Morafe wa ga eno le motse o o boitshepo wa ga eno di beetswe bosupa jwa dinyaga ga 70 tsa go budusa boikepo le go tlatsa selekanyo sa boleo le go ruanya molato le go tlisa tshiamo e e sa khutleng le go kana polelelopele le moporofeti, le go kgakola Boitshepo jwa Maitshepo. Itse ò lemoge gore go tloga ka sebaka se lefoko le duleng ka sona gore Jerusalema a busediwe batho, a agiwe gape, go fitlhelela moeteledipele yo o tloditsweng a nne teng, ke bosupa jwa dinyaga ga supa. Jaanong o tla agiwa gape ka bosupa jwa dinyaga ga 62 mmogo le dipatlelo le mebila, mme e le mo dipakeng tsa pitlagano. E tla re bosupa jwa dinyaga ga 62 di sena go feta, Motlodiwa a bolawe, a se na molato. Morafe wa kgosi e e tlang o tla senya motse le Felo-ga-Boitshepo. Bofelo jwa ona bo tla tla ka morwalela. Go tla nna tlhabano go fitlha bokhutlong. Ke tshenyo e e tlhomamisitsweng. O tla tiisetsa ba bantsi kgolagano ka beke, e bong dinyaga di supa. Mo gare ga bosupa jwa dinyaga o tla khutlisa setlhabelo le tshupelo. Mo godimo ga diphuka tsa makgapha go tla tla mosenyi, go fitlhelela tatlhego e e laoletsweng ruri e goromelediwe mo felong fa go senyegileng.” Ka ngwaga wa boraro wa ga Korese, kgosi ya Peresia, Daniele yo o bidiwang ka leina la Beletšhatsare, a senolelwa lefoko, e le lefoko la nnete le le bolelang pitlagano e kgolo. A ela lefoko leo tlhoko, a tlhaloganya pono. Ka malatsi ao nna Daniele ka nna ke hutsafetse beke di le tharo tse di tletseng: Ka bo ke sa je dijo tse di monate, nama le weine di sa tsene mo leganong la me; le go tlôla ke sa tlole go fitlhelela go fete beke di le tharo tse di tletseng. Ya re ka letsatsi le 24 la kgwedi ya ntlha ke le fa losing lwa noka e kgolo ya Hitekele, ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona monna yo o apereng lesela la letseta, a itlamile letheka ka gouta ya kwa Ufase. Mmele wa gagwe wa bo o tshwana le taemane ya kerisolite; sefatlhego sa gagwe se phatsima jaaka legadima; matlho a gagwe a tshwana le kgabo ya lobone; mabogo a gagwe le maoto a gagwe tsa bo di tsabakela jaaka kgotlho e e gotlhilweng; mafoko a gagwe a utlwala jaaka modumo wa bontsi jwa batho. Nna Daniele ke bonye pono eo ke le nosi; banna ba ba neng ba na le nna ga ba a ka ba e bona. Fela letshogo le legolo la ba wela, ba tshaba, ba iphitlha. Ka sala ke le nosi, ka bona pono e kgolo eo, ka felelwa ke thata; bontle jwa sefatlhego sa me jwa fetoga, sa nna maswe, ke sa tlhole ke na le thata. Ka utlwa modumo wa mafoko a gagwe; ya re ke utlwa modumo wa mafoko a gagwe, ka idibala, ka wela fa fatshe ka sefatlhego. Ka utlwa seatla se nkama; sa nthusa ka tsamaya ka mangole le diatla ke theekela. A nthaya a re: “Daniele, wena monna yo o ratiwang, ela mafoko tlhoko a ke tla a buang nao, o eme ka dinao, gonne ke romilwe kwa go wena.” Ya re a bua lefoko leo le nna, ka ema ke roroma. A ba a nthaya a re: “Se boife, Daniele, gonne mafoko a gago a utlwilwe go tloga ka letsatsi la ntlha le o ineetseng ka lone go ela tlhoko le go ikokobetsa fa pele ga Modimo wa gago, mme ke tlile ka ntlha ya mafoko a gago. Mme molaodi wa bogosi jwa Peresia a emelana le nna malatsi a le 21; ke fa Migaele, mongwe wa balaodi ba bagolo, a tla go nthusa; ka mo tlogela teng le molaodi wa bogosi jwa Peresia. Mme ke tlile go go lemosa se se tla dirafalelang morafe wa ga eno mo malatsing a bofelo. Gonne pono eo le yona e lebile malatsi a bofelo.” Ya re a bua mafoko a a ntseng jalo le nna, ka lebisa sefatlhego fa fatshe, ka fetoga semumu. Ka ba ka bona sengwe, e kete ke motho, a ama molomo wa me; ka ba ka itse go bula molomo wa me, ka bua, ka raya yo o emeng fa pele ga me ka re: “Morena wa me, dipitlagano tsa me di boetse gape mo go nna ka pono; ga ke tlhole ke na le thata. Motlhanka wa Morena wa me yo o kanyana ka nna, a ka kgona jang go bua le Morena wa me yo o kana ka wena! Gonne ga go tlhole go na le thata epe mo go nna; ga go a sadisiwa mowa ope mo go nna.” Ke fa sele se e keteng ke motho se nkama gape, se ntiisa se re: “Se boife, wena monna yo o ratiwang! A kagiso e nne nao! Gomotsega o tie!” Ya re se bua jalo le nna, ka tia ka re: “A morena wa me a bue, gonne o ntiisitse.” A ba a mpotsa a re: “A o itse gore ke tletseng kwano go wena? Jaanong ke tla boa go ya go lwa le molaodi wa Peresia. Mme e tla re ke sena go fetsa nae, go tle molaodi wa Gerika. Fela ke tla go itsise se se kwadilweng mo lokwalong lwa boammaaruri. Ga go na ope yo o itshupang a tiile, a goga le nna go tlhabana le bale fa e se Migaele, molaodi wa lona. “Mme nna ka ngwaga wa ntlha wa ga Dario wa Momedia ka mo emela, ka mo tiisa, ka nna phemelo ya gagwe. Jaanong ke tla go itsise boammaaruri. “Bona, go sa ntse go tla tsoga dikgosi di le tharo tsa Peresia, mme ya bone e tla phutha khumo e kgolo bogolo go tsotlhe tsa pele. Jaanong e tla re fa e sena go tia ka khumo ya yona, e tlhotlheletse botlhe go lwantsha bogosi jwa Gerika. “Mme go tla tsoga kgosi e e bogale, e busa ka thata e kgolo, e dira ka fa e ratang ka teng. Mme e tla re e setse e eme sentle, bogosi jwa yona bo thubege, bo kgaoganyediwe mo diphefong tse nne tsa legodimo; mme bo sa ye mo losikeng lwa yona; le gona bo sa lekane le puso e e neng e e busa. Gonne bogosi jwa yona bo tla nyelediwa, e sa tlhole e le jwa bone, mme e le jwa ba sele. “Go tla tia kgosi ya kwa borwa, mme mongwe wa dikgosana tsa yona o tla tia go e feta, a busa; puso ya gagwe e tla nna puso e kgolo. E tla re dinyaga di sena go feta, di ikopanye. Morwadia kgosi ya borwa o tla ya kwa kgosing ya bokone go dira kagiso, mme o tla felelwa ke thata ya letsogo. Kgosi ya Siria ga e nke e tlhomama le e seng losika lwa yona. Mme morwadia kgosi ya borwa o tla neelwa losong ene le ba ba mo tlisitseng le rraagwe yo o mo tsetseng, le monna yo o mo nyetseng mo metlheng eo. Mme mongwe wa losika lwa mosadi yoo, o tla tsoga mo boemong jwa gagwe, a tla go lwa le mephato, a tla a tlhasela motse o o femetsweng wa kgosi ya bokone, a ba kgona, a ba fenya. Le gona o tla thopa medimo ya bone le ditshwantsho tse di bopilweng le dilwana tsa tlhwatlhwa e kgolo tsa selefera le tsa gouta, a di isa kwa Egepeto, a ba a tlogela kgosi ya bokone dinyaga. Mme yona e tla tlhasela puso ya kgosi ya borwa, e be e boele kwa lefatsheng la yona e fentswe. “Fela morwaa-yona o tla gakala, a phutha mephato e mentsi, a tlhasela ele kgosi ya borwa, a farafara, a ralala; o tla boelela, a gakala, a tlhasela motse o o femetsweng wa yona. Foo kgosi ya borwa e tla galefa ka bogalaka, e bolola, e tlhabana le kgosi ya bokone e e tla phuthang mephato e megolo, mme e fenngwa ke yona kgosi ya borwa. Jaanong e tla re e sena go fenya mephato eo, pelo ya yona e ikgogomose; e tla diga ba le dikete di le masome, mme ga e nke e tiela ruri. “Kgosi ya bokone e tla boelela, e kua mephato e mentsi e e fetang ya pele; jaanong e tla re dipaka tsa dinyaga di sena go feta, e e tlhasela ka mephato e megolo le ka dilo tsa ntwa tse dintsi. Ka metlha eo ba bantsi ba tla tsogela kgosi ya borwa; le batho ba ba senyang ka thata ba morafe wa gago ba tla tsoga e le dirukhutlhi – e le go dirafatsa polelelopele – mme ba tla digwa. Kgosi ya bokone e tla tla, e kgobela totoma ya mmu, e thopa motse o o femetsweng; mephato ya borwa ga e nke e ema mo ntweng, le e seng batlhabani ba kgosi e ba ikanyang; ga ba na thata go ka ema. Yo o tlang go e tlhasela o tla dira ka fa a ratang ka teng, go se na ope yo o ka emelanang nae. Le gona o tla tsena mo lefatsheng le lentle, a tla go le senya. “O tla loga maano a gore, a thope puso yotlhe ya yona; o tla dira kutlwano nayo, a e naya mosadi go e senyetsa puso, mme ga go ka ke ga dirafala; ga a nke a e bona. O tla feta a lebisa sefatlhego kwa mafatsheng a a ka fa lewatleng, a thopa a mantsi; mme molaodi mongwe wa batlhabani o tla khutlisa kgobo ya gagwe a e mmusetsa. Foo o tla lebisa sefatlhego kwa metseng e e femetsweng ya gagwe; mme o tla digwa, a wa, mo a sa tlholeng a ka bonwa. “Mo boemong jwa gagwe go tla tsoga mongwe yo o tla ralatsang mokgethisi bontle jwa bogosi jwa gagwe. Jaanong e tla re malatsi a se kae a sena go feta, a robaganngwe, mme e seng ka bogale le e seng ka ntwa. “Mo boemong jwa gagwe go tla tsoga monyatsegi yo o sa tshwanelwang ke bogosi. Mme o tla tla ka go kukuna, a phamola bogosi ka maano a bolotsana. Mephato e tla gogolelwa ruri fa pele ga gagwe; le kgosana ya kgolagano e tla robaganngwa. Fa a sena go ikgolaganya nayo, o tla dira ka tsietso, a e tlhasela, a e fenya ka batho ba se kae. O tla tsena mo dinageng tse di nonneng tsa lefatshe, a sa lebelelwa, a dira se borraagwe ba sa se dirang, le fa e le borraagwe-mogolo. Tsa kgapo le thopo le dithoto o tla di abela batho ba gagwe; o tla logela metse e e femetsweng maano, mme e tla nna ka bokhutshwane. “O tla gakala ka thata le ka pelo, a lwa le kgosi ya borwa ka mephato e megolo; mme kgosi ya borwa e tla tsena mo ntweng e le bogale ka mephato e megolo, e e tiileng thata thata; fela ga e nke e ema, gonne ba tla e logela maano. Ba ba jang dijo tsa yona ba tla e isa mo tatlhegong; mephato ya yona e tla gogolwa; go tla wa ba le bantsi ba bolailwe. Fa e le dikgosi tse pedi tseo, dipelo tsa tsona di tla akanya go dira bosula, di bolela maaka di ntse fa lomating lo le longwe; fela go tla pala, gonne bokhutlo bo tla bo bo ise bo nne teng go fitlhelela sebakeng se se laotsweng. E tla boela kwa lefatsheng la yona, e na le dithopo tse dintsi; pelo ya yona e ntse e logela kgolagano e e boitshepo maano; mme e tla a dirafatsa, e be e fetela kwa lefatsheng la yona. “Ka sebaka se se laotsweng e tla boela gape kwa borwa; mme la bobedi ga go nke go tshwana le ga ntlha. Gonne go tla tswa mekoro kwa Khithime, e tla go lwa nayo. “Jaanong e tla tlhoboga, e boa, e itšhwesa pelo ka kgolagano e e boitshepo, e be e boa, e gadimile ba ba tlogetseng kgolagano e e boitshepo. Batlhabani ba ba romilweng ke yona ba tla ema teng, ba itshepolola Felo-ga-Boitshepo, e bong yona kago e e femetsweng; ba tla khutlisa tshupelo ya malatsi otlhe, ba baya maila a a boitshegang teng. Ba ba tlogelang kgolagano o tla ba faposetsa mo boheitaneng ka mafoko a a borethe, mme batho ba ba itseng Modimo wa bone ba tla sala ba tiile, ba itshupa jalo. Basiami ba morafe ba tla tlhalefisa ba bantsi, mme ba tla bogisiwa sebaka ka tšhaka le ka molelo le ka go isiwa mo botshwarong le ka go thukhuthwa dilo. E tla re ba ntse ba bogisiwa, ba thusiwe go le gonnye; ka moo ba bantsi ba tla ikopanya nabo ka bolotsana. Bangwe ba basiami ba tla bolawa, e le go itshekisa ba bangwe le go ba fefera le go ba phepafatsa go fitlhelela sebakeng sa bofelo; gonne go tla nna go dirafala jalo go ya sebakeng se se laotsweng. “Kgosi eo e tla dira ka fa e ratang ka teng; e tla ikgogomosa, e ikgodisetsa modimo mongwe le mongwe. E tla bua tse di boitshegang ka ga Modimo wa medimo, e o kgala; e tla kgona jalo go fitlhelela bogale bo fele; gonne tse di laotsweng di tla dirafala. Ga e na sepe le medimo ya borraa-yona; ga e tlhokomele modimo-morategi wa basadi le e seng modimo ope. Gonne e ikgodisetsa medimo yotlhe. Boemong jwa medimo eo e tla tlotla modimo wa metse e e femetsweng; mme modimo o borraa-yona ba neng ba sa o itse, e tla o tlotla ka gouta le ka selefera le ka majwe a a tlhokegang le ka dilo tse dintle. E tla direla metse e e femetsweng ka thuso ya modimo o sele. Ba ba o ineelang o tla ba tlotla thata, e ba laodisa ba bantsi, e ba abela naga, e le tuelo ya teng. “E tla re ka sebaka sa bofelo kgosi ya borwa e thulane nayo; mme ya bokone e tla e tlhasela ka dikoloi le ka bapalami le ka mekoro e mentsi jaaka ledimo; e tla tsena mo mafatsheng, e farafara teng, e a ralala. E tla tsena mo lefatsheng le lentle. Mme mafatshe a mantsi a tla fenngwe. Ba ba tla falolang mo seatleng sa yona ke Baetomo le Bamoabe le ba bagolo ba Baamone. E tla otlololela mafatshe letsogo; le la Egepeto ga le kitla le phologa. E tla laola mahumo a gouta le a selefera le a dilo tsotlhe tsa tlhwatlhwa e kgolo tsa Egepeto. Balebia le Baethiopia ba tla e sala morago. Mme magatwe a a tswang kwa botlhabatsatsi le kwa bokone a tla e tshosa; ka moo e tla bolola e gaketse thata gore e senye ba bantsi, e ba nyeletse. E tla tlhoma tente ya yona ya bogosi fa gare ga lewatle le thaba ya mokgabo o o boitshepo; mme e tla felela teng, go se na ope yo o e thusang. “Ka sebaka seo go tla nanoga Migaele, kgosana e kgolo ele, go sireletsa bana ba morafe wa gago. E tla nna sebaka sa tlalelo se se iseng se ke se nne teng go tloga ka tlholego ya batho go fitlha nakong eo. Ka sebaka seo go tla pholosiwa morafe wa gago, e bong botlhe ba ba fitlhelwang ba kwadilwe mo lokwalong. Ba bantsi ba bone ba ba robetseng mo leroleng la lefatshe ba tla thanya; bangwe ba tla tsogela bophelo jo bo sa khutleng, ba bangwe ba tla tsogela ditlhong le kilego tse di sa khutleng. Basiami ba tla phatsima jaaka phatsimo ya legodimo; ba ba gogetseng ba bantsi mo tshiamong ba tla galalela jaaka dinaledi ka gale le ka bosenabokhutlo. “Mme wena Daniele, fitlha mafoko ao, o kane lokwalo loo go fitlhelela sebakeng sa bofelo. Foo ba bantsi ba tla tlhotlhomisa mo go lone; mme kitso e tla gola ka lone.” Jaanong nna Daniele ka leba, mme ka bona ba bangwe ba le babedi ba eme teng, mongwe ka kwano fa losing lwa noka, yo mongwe kwa moseja fa losing lwa noka. Mongwe a botsa monna yo o apereng lesela la letseta, yo o neng a le mo godimo ga metsi a noka, a re: “Bokhutlo jwa dilo tse di gakgamatsang tseo bo tla tla leng?” Ka utlwa monna yole yo o apereng lesela la letseta, yo o mo godimo ga metsi a noka, a tsholeletsa mabogo kwa legodimong, a ikana ka yo o phelang ka bosakhutleng a re: “Bo tla tla morago ga sebaka se le sengwe le dipaka di le pedi le bontlhanngwe jwa sebaka. E tla re fa thata ya morafe o o boitshepo e sena go phatlaladiwa, go dirafale dilo tsotlhe tseo.” Ke ne ka utlwa, mme ka se ka ka tlhaloganya ka re: “Morena wa me, dilo tseo di tla fela jang?” Mme a re: “Tsamaya o iketle, Daniele, gonne mafoko ao a lobilwe, a kannwe go ya go fitlha mo sebakeng sa bofelo. Ba bantsi ba tla feferwa, ba phepafadiwa, ba itshekisiwa, mme baikepi ba tla nna ba dira tsa boikepo fela. Ga go na moikepi ope yo o tla tlhaloganyang, mme basiami ba tla lemoga. “Go tloga ka sebaka se tlhabelo ya malatsi otlhe e tlosiwang ka sona, go bewa maila a a boitshegang, go tla feta malatsi a le 1 290. Go sego yo o itshokang, a fetsa malatsi a le 1 335. “Mme wena, tsamaya, o letele bofelo! O tla ikhutsa, o tsogela kabelo ya gago ka bofelo jwa malatsi.” Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Hosea, morwa Beeri, mo sebakeng sa ga Usia le Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, le mo sebakeng sa ga Jerobeame morwa Joase, kgosi ya Iseraele. E rile Morena a simolola go bua ka Hosea, a mo raya a re: “Tsamaya o tsee mosadi wa seaka le bana ba seaka; gonne lefatshe le ntse le akafala thata ka go tlogela Morena.” Ke fa a ya a tsaya Gomere, morwadia Dibelaime; Gomere a ithwala, a mo tsholela ngwana wa mosimane. Jaanong Morena a mo raya a re: “Mo tee leina la Iserele, gonne go setse sebaka se sekhutshwane fela, ke tla be ke beletsa melato ya polao ya kwa Iserele mo losikeng lwa ga Jehu, ke fedisa bogosi jwa Baiseraele. Mo motlheng oo ke tla roba bora jwa Iseraele mo lebaleng la Iserele.” Mosadi a ithwala gape, a tshola ngwana wa mosetsana. Morena a mo raya a re: “Mmitse Gaautlwelwa-botlhoko; gonne ga nkitla ke tlhola ke utlwela Baiseraele botlhoko le e seng go ba itshwarela. Bajuta bone ke tla ba utlwela botlhoko, ke ba golola ke le Morena, Modimo wa bone; ga nkitla ke ba pholosa ka bora gongwe ka tšhaka gongwe ka ntwa gongwe ka dipitse, le fa e le ka bapalami ba tsona.” Ya re a sena go kgwisa Gaautlwelwa-botlhoko, a boa a nna moimana gape, a tshola ngwana wa mosimane. Jaanong Morena a re: “Mmitse Gasebame; gonne ga lo batho ba me, le nna ga ke wa lona.” Mme palo ya Baiseraele e tla tshwana le ya motlhaba wa lewatle o o sa ka keng wa lekanngwa ka sepe, le e seng go balwa. Mo boemong jwa go bidiwa “Galobame” ba tla bidiwa “bomorwa Modimo o o phelang.” Bajuta le Baiseraele ba tla kopana, ba ipeela tlhogo e le nngwe, ba bolola lefatsheng; gonne letsatsi la Iserele le legolo. Rayang bomorwa-rraalona lo re: “Bathobame”, le bokgaitsadia-lona: “Bautlwetswe-botlhoko”. “Sekisang mmaalona, lo mo sekise, gonne ga se mosadi wa me, le nna ga ke monna wa gagwe. A a tlose boaka jwa gagwe mo sefatlhegong sa gagwe le kgokafalo ya gagwe mo mabeleng a gagwe. Go seng jalo ke tla mo apola gotlhe, ke mmaya jaaka a ne a ntse ka letsatsi la botsalo jwa gagwe. Ke tla mo dira jaaka sekaka, ke mmaya jaaka naga e e omeletseng, ke mmolaya ka lenyora. Bana ba gagwe ga nka ke ka ba utlwela botlhoko, gonne ke bana ba dikgora. Gonne mmaabo o akafetse; yo o ba tsetseng o dirile tsa ditlhong. Gonne o rile: ‘Ke rata go sala dinyatsi tsa me morago, tse di mphang bogobe le metsi le maboa a dinku le letseta le lookwane le tse di nowang.’ “Ka ntlha ya moo, bonang, ke tla thiba tsela ya gagwe ka matlhaku, ke mo kganela ka lorako gore a se ka a bona ditselana tsa gagwe. O tla sala dinyatsi tsa gagwe morago, mme ga a nke a di fitlhela; a di batla, mme ga a nke a di bona. Ke fa a tla re: ‘Ke tla ya ke boela kwa monneng wa me wa ntlha; gonne ka sebaka sele go ne go le molemo mo go nna bogolo go kajeno.’ “Mme ga a ka a lemoga gore ke nna ke mo neileng mabele le matute a moweine le lookwane; ke mo ntsifaleditse selefera le gouta tsa ba diretseng Baale ka tsona. Ka ntlha ya moo ke tla boa ke tsaya mabele a me mo nakong ya ona, le matute a me a moweine ka nako ya ona; ke phamola maboa a dinku tsa me le letseta la me tse a ikapesang ka tsona. Jaanong ke tla bipolola ditlhong tsa gagwe fa pele ga dinyatsi tsa gagwe, go se ope yo o ka mo gololang mo letsogong la me. Ke tla khutlisa boitumelo jotlhe jwa gagwe le meletlo ya gagwe le ngwedi o o rogilweng wa gagwe le boSabata ba gagwe le dipaka tsotlhe tsa meletlo ya gagwe. Ke tla senya setlhare sa moweine le sa feie tsa gagwe tse a rileng: ‘Ke tuelo e ke e filweng ke dinyatsi tsa me.’ Ke tla di fetola sekgwa se se jewang ke diphologolo tsa naga. Ke tla mmeletsa malatsi a boBaale ba o ba tshubetseng maswalo, a ikgabisa ka manyena a gagwe le ka dibaga tsa gagwe tsa molala, a sala dinyatsi tsa gagwe morago, mme nna a ntebala,” go bua Morena. “Ka moo bonang, ke tla mo eka, ke mo isa kwa sekakeng, ke bua tse di kgatlhang pelo ya gagwe. Morago ga moo ke tla mo naya masimo a moweine a gagwe le mokgatsha wa Agore go nna kgoro ya tsholofelo. Teng foo o tla opela jaaka mo malatsing a bošwa jwa gagwe, le jaaka ka letsatsi le a duleng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone. Ka letsatsi leo o tla mpitsa: ‘Monna wa me;’ mme o sa tlhole o mpitsa: ‘Baale wa me,’ ” go bua Morena. “Ke tla tlosa maina a boBaale mo molomong wa gagwe gore ba se tlhole ba bidiwa ka maina a bona. “Ka letsatsi leo ke tla ba direla kutlwano le diphologolo tsa naga le dinonyane tsa loapi le dilo tse di gagabang fa fatshe; ke tla roba bora le tšhaka le tsa ntwa gore di tswe mo lefatsheng, ke ba ikhutsisa mo phemelong. “Ke tla go beelela ka bosakhutleng; ke go beelela ka tshiamo le ka molao le ka lorato le ka kutlwelo-botlhoko. Ke tla go beelela ka boammaaruri, mme o tla itse Morena. Ka letsatsi leo ke tla utlwa,” go bua Morena; “ke tla utlwa legodimo, lone le tla utlwa lefatshe. Mme lefatshe le tla utlwana le mabele le matute a moweine le lookwane, mme tseo di tla utlwana le Iserele. Ene ke tla mo ijwalela mo lefatsheng, ke tlhomogela Gaautlwelwa-botlhoko pelo, ke raya Gasemorafe-wame ke re: ‘O morafe wa me,’ mme ene o tla re: ‘Modimo wa me.’ ” Morena a nthaya a re: “Yaa gape o rate mosadi wa seaka yo o ratwang ke yo mongwe, jaaka Morena a rata Baiseraele, le fa bone ba fapogela kwa medimong e sele, ba tshwakgotswe ke dinkgwenyana tsa maswabi a moweine.” Jaanong ka mo ithekela ka diselefera di le 15 le ka kgetse e le nngwe ya garase le bontlhanngwe jwa yona. Ka mo raya ka re: “Ntulele malatsi a mantsi! Se akafale, o se nne le monna ope! Le nna ke tla itshwara jalo ka ntlha ya gago.” Gonne Baiseraele ba tla nna fela sebaka se seleele, ba se na kgosi, ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na lentswe le le motloutlo, ba se na khiba ya boperesiti, ba se na medimo ya lelapa. Morago ga moo Baiseraele ba tla tlhabologa, ba batla Morena, Modimo wa bone, le Dafita, kgosi ya bone; mo sebakeng sa bofelo ba tla atamela Morena le molemo wa gagwe ka thoromo. Utlwang Lefoko la Morena, lona Baiseraele! Gonne Morena o na le kgang le baagi ba lefatshe, ka gore ga go na boammaaruri le e seng lorato le e seng kitso ya Modimo mo lefatsheng. Ba a rogaka, ba a aka, ba a bolaya, ba a utswa, ba a akafala, ba thuba matlo; mme molato wa polao o tlhatlaganye le molato wa polao. Ka ntlha ya moo lefatshe le tla hutsafala, mongwe le mongwe yo o agileng mo go lone o tla swaba mmogo le diphologolo tsa naga le dinonyane tsa loapi; ee, ditlhapi tsa lewatle le tsona di tla tlosiwa. “Fela a go se ka ga sekisa ope! A go se ka ga kgalemela ope! Gonne morafe wa me o tshwana le wena, moperesiti. Mme o tla wa motshegare, moporofeti le ene a wa nao bosigo; e bile ke tla nyeletsa mmaago. Morafe wa me o a nyelediwa, ka o tlhoka kitso. E re ka wena o latlhile kitso, le nna ke tla go latlha gore o se ntirele ka boperesiti, e re ka o lebetse molao wa Modimo wa gago, le nna ke tla lebala bana ba gago. “Go nteofela ga bone go kana ka go ntsifala ga bone. Tlotlo ya bone ke tla e fetola nyatsego. Ba phela ka ditlhabelo tsa boleo tsa morafe wa me; dipelo tsa bone di eletsa tshiamololo ya ona. Moperesiti o tla dirafalelwa ke se se dirafalelang morafe; ke tla mmeletsa ditsela tsa gagwe, ke mmusolosetsa ditiro tsa gagwe. Le fa ba ja, ga ba na go kgora; le fa ba akafala, ga ba na go ata; gonne ba khutlile go obamela Morena. “Boaka le weine le matute a moweine di senya pelo. Morafe wa me o botsa logong lwa ona; kotana ya ona e a ba itsise. Gonne mowa wa boaka o ba timeditse, ba dira boaka ka go tlogela Modimo wa bona. Ba dira ditlhabelo mo ditlhoeng tsa dithaba, ba fisa maswalo mo dithoteng fa tlase ga ditlhare tsa eike le popoleri le metherebinthe, gonne moriti wa tsona o monate. “Ka ntlha ya moo bomorwadia-lona ba a akafala, betsi ba lona ba fetoga dinyatsi. Ga nkitla ke watlhaya bomorwadia-lona, ka ba akafala, le betsi ba lona, ka ba senya nyalo; gonne banna ka bosi ba iphitlha kwa thoko le diaka, ba dira ditlhabelo le diaka tsa tempele ya medimo. Ka ntlha ya moo morafe o o se nang tlhaloganyo o tla wa. “Le fa wena, Iseraele, o rata go akafala, a Juta a se ka a dira molato oo! Lo se ka lwa ya kwa Gilegala, lo se ka lwa tlhatlogela kwa Bethawene, lo se ka lwa ikana lo a re: ‘Ka Morena yo o phelang!’ Gonne Iseraele o kgopo jaaka kgomo e e sekwere. Jaanong Morena o tla ba fudisa jaaka kwanyana mo gare ga naga. Eferaime o golagantswe le medimo ya diseto. Mo lese! E a re ba sena go nwa, ba akafale gagolo. Barena ba bona ba rata dilo tsa ditlhong thata. Phefo e tla ba phutha ka diphuka tsa yona. Ba tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya dialetare tsa bona. “Utlwang fa, lona baperesiti! Elang tlhoko, lona Baiseraele! Sekegang ditsebe, lona ba kgosing! Gonne kotlo e lebanye lona, ka lona lo ne lo le digole tsa Mitsepha le matloa a a thaisitsweng mo Thabore, le gopo e e boteng ya Sitime, mme nna ke tla ba otla botlhe. Eferaime, nna ke a mo itse, le Iseraele ga a fitlhega fa pele ga me: Jaanong ò akafetse, Eferaime; Iseraele o itshekologile.” Ditiro tsa bona ga di ba letlelele go boela Modimong wa bona; gonne mowa wa boaka o mo teng ga bona, mme Morena ga ba mo itse. Boikgodiso jwa Iseraele bo supa ka ga gagwe mo ponatshegong. Iseraele le Eferaime ba tla digwa ke maleo a bona, Juta le ene a wa nabo. Ba tla ya go batla Morena ka difutshane le dikgomo tsa bona, mme ga ba nke ba mmona. O ba tlogetse. Ba diretse Morena ka boikanyologo, gonne ba tsetse bana ba dikgora. Jaanong ngwedi o o rogilweng o tla ba ja mmogo le masimo a bona. Letsang lonaka kwa Gibea le phala kwa Rama, lo tlhabe mokgosi kwa Bethawene! Gadima kwa morago, Benyamene! Eferaime o tla fetoga sekaka letsatsing la petso. Ke itsisitse ditso tsa Iseraele tse e leng tsa nnete. “Balaodi ba Juta ba tshwana le ba ba sutisang molelwane. Ke tla tshololela bogale jwa me mo go bona jaaka metsi. Eferaime o a gatelelwa, o senyegetswe ke molao; gonne o kgatlhilwe ke go latela boithamako. Mme nna ke tshwana le motoutwana mo go Eferaime, ke tshwana le phetlhi mo ntlong ya Juta. “E rile Eferaime a bona bolwetse jwa gagwe, le Juta a bona tlhagala ya gagwe, Eferaime a ya kwa Asiria, a roma kwa go kgosi Jarebe; mme ene ga a kgone go lo fodisa. Tlhagala ga e na go tloga mo go lona. Gonne nna ke tshwana le tau mo go Eferaime, ke tshwana le ledumedi mo go ba ntlo ya Juta; ke nna ke garolakang, ke be ke tloga; ke nna ke gapang go se yo o gololang. “Ke tla tsamaya ke boela felong ga me, go fitlhelela ba ipone molato, ba batle sefatlhego sa me. Mo tlalelong ya bona ba tla mpatla ka tlhoafalo ba re: “ ‘Tlayang, a re boeleng kwa go Morena, gonne ke ene yo o garotseng, mme o tla re fodisa; ke ene yo o iteileng, mme o tla re fapa. O tla re rudisa morago ga malatsi a mabedi, a re tsosa ka letsatsi la boraro gore re phele fa pele ga gagwe. A re itseng Morena, re tlhoafalele go mo itse. O tla tswa ruri jaaka mahube, a tla kwa go rona jaaka pula, le jaaka pula ya dikgakologo e e kolobisang lefatshe.’ “Nka go direlang, Eferaime? Nka go direlang, Juta? ka lorato lwa lona lo tshwana le mouwane wa masa, lo tshwana le monyo o o tlhotlhoregang e sa le phakela. Ka lebaka le ke ba remile ka baporofeti, ka ba bolaya ka dipolelo tsa molomo wa me. Dikatlholo tsa me di tla tswa jaaka lesedi. Gonne se se nkgatlhang ke lorato, e seng setlhabelo, le go itse Modimo bogolo go ditlhabelo tsa phiso. “Mme bona ba sentse kgolagano mo motseng wa Atame; teng ba ntiretse ka boikanyologo. Gileate ke motse wa basenyi, o tletse metlhala ya madi. Lekoko la baperesiti le bolaela batho mo tseleng e e yang kwa Šegeme jaaka senokwane se se laletseng. Ee, ba dirile tse di tlhabisang ditlhong. Mo ntlong ya Iseraele ke bonye se se boitshegang: Boaka bo teng mo go Eferaime, Iseraele o itladitse maswe. “Le wena, Juta, o baakanyeditswe thobo, mogang ke busetsang batshwarwi ba morafe wa me kwa gae. “E a re fa ke re ke fodisa Iseraele, go bonale molato wa Eferaime le bosula jwa Samaria, gonne ba tsieditse; legodu le tsene mo teng, lekoko la dinokwane le thukhuthe ka kwa ntle. Ga ba lemoge gore ke ntse ke gopola bosula jotlhe jwa bone. Jaanong ditiro tsa bona di ba dikanyeditse, di fa pele ga sefatlhego sa me. “Ba thabisa kgosi ka bosula jwa bone, le dikgosana ka maaka a bone. Botlhe ba a akafala, ba tshwana le sebeso se se tukang, le fa mmesi a khutla go kgotetsa go tloga mo go dubeng bupe go fitlhelela bo sena go bela. Mo moletlong wa kgosi ya rona dikgosana di lwala ka bogale jwa weine. Kgosi e tshwaragana ka mabogo le basotli. Gonne ba atamela ka bolotsana jwa bone; dipelo tsa bone di tshwana le sebeso. Bogale jwa bona bo lala bo didimetse bosigo jotlhe, bo tsoga bo tuka jaaka kgabo ya molelo. “Ba tuka molelo botlhe jaaka sebeso, ba nyeletsa babusi ba bona. Dikgosi tsa bona di ole tsotlhe, ga go ope mo go bona yo o mpitsang. “Eferaime o ikopanya le merafe. Eferaime ke papetla ya senkgwe e e sa fetolwang. Baeng ba ja nonofo ya gagwe, ene a sa lemoge; le gona o simolotse go thunya tlhogo, mme ga a itemoge. Boikgodiso jwa Iseraele bo supa ka ga gagwe mo ponatshegong. Le fa go ntse jalo, ga ba tlhabologele Moreneng, Modimo wa bone, le gona ga ba mmatle. Eferaime o fetogile, a nna jaaka leeba le le seeleele le le se nang tlhaloganyo: Ba bitsa Baegepeto, ba ya kwa Asiria. E tla re fa ba ya, ke ba tshware ka letloa la me, ke ba folose jaaka dinonyane tsa loapi, ke ba betse jaaka ba begetswe mo phuthegong. “A tatlhego ya bona wee! Gonne ba ntlogetse. A tshenyego e ba wele, ka ba ikepile mo go nna. Nna ne ke re, ke a ba golola, mme bona ba nkaketse. Le gona ga ba goele go nna ka dipelo tsa bona, fa ba lela mo malaong a bona; ba iphatsa ka ntlha ya mabele le matute a moweine, ba a nthukhutlhegela. Le fa ke ba rutile, ka ba ka tiisa mabogo a bona, ba ntogela maano a a bosula. Ba a boa, mme ga ba boele kwa godimo Modimong. Ba tshwana le bora jo bo repileng. Baeteledipele ba bona ba tla wa ka tšhaka bakeng la tlhapa ya diteme tsa bona. Ke se ba tla sotlegang mo lefatsheng la Egepeto ka sona. “Tsenya lonaka mo molomong! Go fologelwa mo Ntlong ya Morena jaaka ntsu, ka ba sentse kgolagano ya me, e bile ba tlodile molao wa me. Ba tla ntlhaeletsa ba re: ‘Modimo wa rona, rona Baiseraele re a go itse.’ Iseraele o nyaditse tse di molemo; mmaba o tla mo latelela. “Ba tlhomile dikgosi, mme e seng ka nna; ba beile dikgosana, ke sa itse. Ba itiretse medimo ya diseto ka selefera ya bona le gouta ya bona, mo ba tla nyelediwang. Namane ya gago, Samaria, e mpe mo go maswe. Bogale jwa me bo a ba tukela. Ba tla palelwa ke go nna phepa sebaka se se kana kang? Gonne le yona namane e tswa mo go Iseraele, e dirilwe ke mothudi, mme ga se yona Modimo. Ee, namane ya Samaria e tla phatlakanngwa. Gonne ba jwetse phefo, mme ba tla roba ledimo. Mabele ga a tsale le e seng go dira dijo; le fa a ka di dira, di tla jewa ke ba sele. Iseraele o meditswe. Jaanong ba mo gare ga ditšhaba, ba tshwana le selo se se se nang molemo. Gonne ba ile kwa Asiria. Eferaime ke esele ya naga e e ikgapang. Ba itheketse bathusi. Le fa ba ka batla thuso kwa ditšhabeng, ke tla ba olola jaanong; ba tla simolola go fokotsega ka ntlha ya morwalo wa kgosi ya dikgosana. “Gonne Eferaime o agile dialetare tse dintsi a re, o tlhapa boleo, mme dialetare tseo di mo okeleditse dibe. Le fa ke mo kwaletse dikaelo tse dintsi tsa molao wa me, di kaiwa jaaka tsa moeng. Ba tlhaba ditlhabelo tse ba di ntlelang; ke nama, e jewa ke bone. Morena ga a kgatlhwe ke tsona. Jaanong o tla gopola tshiamololo ya bone, a ba beletsa maleo a bone; ba tla boela kwa Egepeto. “E re ka Iseraele a lebetse Mmopi wa gagwe, a aga matlo a borena, le ka Juta a agile bontsi jwa metse e e femetsweng, ke tla tshuba metse ya gagwe ka molelo o o jang matlo a teng a borena.” Iseraele, se itumele, se duduetse jaaka merafe; gonne o akafetse ka go tlogela Modimo wa gago. O ratile tuelo ya boaka mo diboaneng tsotlhe tsa mabele. Seboana le setlhotlhelo ga di nke di ba jesa; matute a moweine a tla ba swabisa. Ga ba nke ba nnela ruri mo lefatsheng la Morena, mme Eferaime o tla boela kwa Egepeto; ba tla ja tse di sa itshekang kwa Asiria. Ga ba nke ba tshelela Morena weine ya tshupelo. Ditlhabelo tsa bone ga di kitla di mo kgatlha, e tla nna dijo tsa bohutsana mo go bone. Botlhe ba ba di jang ba tla itshekologa. Gonne bogobe jwa bone bo tla felela mo go bone; ga bo nke bo tsena mo Ntlong ya Morena. Lo tla dirang mo sebakeng sa moletlo le ka letsatsi la moletlo wa Morena? Gonne bonang, ba falala ka ntlha ya tubako. Ba tla phuthwa ke Egepeto, ba fitlhwa kwa Memefise. Khumo ya bona ya dilwana tsa selefera e tla bipiwa ke mefero; ditlhatshana tsa mitlwa di tlhoga mo matlotleng a bone. Go tsile malatsi a petso, go fitlhile malatsi a pusoloso. Iseraele o tla lemoga jalo. Moporofeti ke lesilo, monna wa Mowa ke setsenwa ka ntlha ya bontsi jwa melato ya gago le ka ntlha ya letlhoo le legolo. Eferaime o lalela Modimo wa me. Moporofeti o beetswe dirai mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, le mo Ntlong ya Modimo wa gagwe o a tlhoiwa. Ba sentse mo go maswe jaaka mo malatsing a Gibea. Modimo o tla gopola molato wa bona, o ba watlhaela maleo a bona. “Ke fitlhetse Iseraele a tshwana le maungo a moweine mo sekakeng; ka bona borraeno ba ntse jaaka difeie tsa pele mo setlhareng se sešwa, mme ba ya kwa go Baale-Pheore, ba ineela modimo wa ditlhong; ba fetoga dilo tse di tenang, ba nna jaaka moratiwa wa bona. Kgalalelo ya Baeferaime e tla fofa e ya jaaka nonyane. Ga go tlhole go le botsalo le e seng boimana le e seng ithwalo. Le fa ba ka godisa bana ba bona, ke tla ba ba amoga gore batho ba tlhokafale. Le bone a tatlhego ya bona wee, fa ke ba tlogela!” Eferaime ka fa ke mmonyeng ka teng, e ne e le mokolane o o tlhomilweng mo molapong, mme Eferaime o na le go ntshetsa mmolai bana ba gagwe. Ba nee, Morena! O tla ba naya eng? Ba nee boopa le mabele a a se nang mašwi. “Bosula jotlhe jwa bone bo senogile kwa Gilegala; teng kwa ke simolotse go ba tlhoa ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa bone. Ke tla ba leleka mo Ntlong ya me, ke sa tlhole ke ba rata. Baeteledipele botlhe ba bona ke dirukhutlhi fela. Eferaime o rathilwe, medi ya bone e omeletse. Ga ba tlhole ba ungwa sepe. Le fa ba ka tsala bana, ke tla bolaya bana ba ba rategang ba bone.” Modimo wa me o tla ba latlha, ka gonne ga ba a o utlwa. E tla nna bafaladi mo ditšhabeng. Iseraele e ne e le setlhare sa moweine sa dikala tse di phuthologileng se se nang le maungo. Ya re maungo a gagwe a ntsifala, a ntsifatsa dialetare le tsona; ka fa molemong wa lefatshe la gagwe a betla majwe a a motloutlo a mantle a kobamelo. Ba pelo pedi. Jaanong ba tla otlwa. Morena o tla phatlakanya dialetare tsa bona, a senya majwe a a motloutlo a bona a kobamelo. Ee, jaanong ba tla re: “Ga re na kgosi, gonne ga re a ka ra boifa Morena, mme kgosi e – e ka re thusa eng?” Ba buabua fela, ba ikana ka maaka, ba dira dikgolagano; ke ka moo go tlhogang petso jaaka mogau mo meseleng ya tshimo. Baagi ba Samaria ba tla boifela namane ya Bethawene, morafe wa yona o tla e hutsafalela; baperesiti ba yona ba roroma ka ntlha ya yona le ka ntlha ya kgalalelo ya yona, gonne e tlositswe mo go yona. Le yona ka yosi e tla isiwa kwa Asiria e le neo e kgosi Jarebe a e fiwang. Eferaime o tla tlhajwa ke ditlhong, Iseraele a tlhajwa ke kgala ka ntlha ya modimo wa seseto wa gagwe. Samaria o a nyelediwa, kgosi ya teng e tshwana le sefawa mo metsing. Go tla senngwa dithota tsa tirelo ya medimo, e leng mafelo a boleo jwa Iseraele. Mitlwa le ditshetlho di tla tlhoga mo dialetareng tsa bona. Ba tla raya dithaba ba re: “Re khurumetseng!” le dithabana: “Re weleng godimo!” “Wena Iseraele, o sa le o leofa go simolola malatsing a Gibea; ba ntse ba eme teng koo. Ntwa e basenyi ba bediwang ka yona, a ga e na go ba wela kwa Gibea? Ke tla ba otla ka fa ke ratang ka teng. Merafe e tla phuthwa go tlhabana le bona, mogang ba bediwang ka ntlha ya maleo a mabedi a bona. “Eferaime ke kgomo ya moroba e e katisitsweng, e e ratang go photha, mme nna ke tla pega joko mo molaleng o montle wa yona; ke tla golega Eferaime, Juta o tla lema, Jakobe o tla thuba makwete. Ijwaleleng tsa tshiamo, lo robe tsa lorato; ikgatheleng tshimo e ntšhwa, ka e le nako ya go batla Morena go fitlhelela a tle a lo rute tshiamo. Lo lemile boikepo, lwa roba bokgopo jo bo boitshegang, lwa ja maungo a maaka. “Gonne ò ne ò ikanya dikoloi tsa ntwa tsa gago, le bontsi jwa diganka tsa gago. Ke gona ka moo go tla tsogang modumo wa ntwa mo morafeng wa gago. Dikago tsotlhe tsa phemelo tsa gago di tla thubaganngwa jaaka Salamane a senya Betharebele ka letsatsi la tlhabano; mma-bana o remagantswe mmogo le bana ba gagwe. Le lona Baiseraele, Morena o tla lo direla fela jalo ka ntlha ya bosula jo bogolo wa lona. Kgosi ya Iseraele e tla nyelelediwa ruri e sa le phakela. “E rile Iseraele e sa le ngwana, ka bo ke mo rata, ka mmitsa go tswa kwa Egepeto e le morwaake. E re fa ke ba bitsa, ba ntlogele, ba ye go tlhabela boBaale ditlhabelo, ba tshubele ditshwantsho tsa medimo maswalo. Kana ke nna ke tsamaisitseng Baeferaime tshipidi, ka ba tshola ka mabogo, mme ga ba a ka ba lemoga, fa e le nna ke ba fodisitseng. Ke ba gogile ka dikgole tsa botho le ka megala ya lorato, ka nna mo go bona jaaka ba ba pagololang joko mo melaleng ya bona; ka inamela kwa go bone, ka ba jesa. “Ga ba kitla ba boela kwa Egepeto. Nnyaya, Asiria e tla nna kgosi ya bone, gonne ba ganne go tlhabologa. Tšhaka e tla kgadikana mo metseng ya bone, e bolaya dikgosana tsa bona, e di fetsa ka ntlha ya maano a bone. Morafe wa me o ganelela go ikepa mo go nna. Le fa ba bilediwa kwa godimo, ga go na ope yo o itsosang. “Nka go latlha jang, Eferaime? Nka go tlogela jang, Iseraele? Nka go dira jang jaaka Atema? Nka go senya jang jaaka Seboime? Ke tlhomoga pelo, ke go utlwela botlhoko thata. Ga nka ke ka dirafatsa bogale jo bo tukang jwa me, ga nka ke ka senya Eferaime gape. Gonne ke Modimo, ga ke motho, ke Moitshepi mo go wena. Ga nke ke tla ke galefile. “Ba tla sala Morena morago yo o dumang jaaka tau; e tla re fa a duma, bana ba tswe kwa bophirimatsatsi ka thoromo. Ba tla itlhaganela ba tswa kwa Egepeto ka thoromo jaaka nonyane, ba tswa kwa lefatsheng la Asiria jaaka leeba, mme ke tla ba agisa mo matlong a bone,” go bua Morena. “Eferaime o ntikanyeditse ka maaka le ba ntlo ya Iseraele ka tsietso. Juta le ene o sa ntse a kgarakgatshega ka boitaolo fa pele ga Modimo, ee, fa pele ga Moitshepi yo o ikanyegang. Eferaime o ikanya phefo, o latela phefo e kgolo ya botlhabatsatsi. O tlhola a ntsifatsa maaka le kgatelelo. Ba dira kgolagano le Asiria, lookwane lo isiwa kwa Egepeto.” Morena o na le kgang le Juta, o tla betsa Jakobe ka ntlha ya ditsela tsa gagwe, a mmusolosa ka fa ditirong tsa gagwe. Jakobe o ne a tshwara mogolowe mo seretheng a sa le mo mmeleng wa ga mmaagwe, a kampana le Modimo ka thata ya gagwe ya bonna. Ee, a kampana le moengele, a mo fenya a lela, a ba a mo rapela, a kopa boitshwarelo. O mo fitlhetse kwa Bethele, teng koo o buile le rona. Mme Morena, Modimo wa masomosomo, leina la gagwe le le tumileng ke Morena. Mme wena, boela Modimong wa gago, o dirise lorato le tshiamo, o solofele mo Modimong wa gago ka tlhomamo. Jakobe o na le sekale se se tsietsang, o rata go patika jaaka Kanana. Eferaime a re: “Ruri, ke humile, ke iponetse khumo; mo go tsotlhe tse ke di bapetseng ga go nke go fitlhelwa molato ope mo go tsona o e leng boleo.” “Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ke tla go nnisa gape mo ditenteng jaaka mo malatsing a moletlo. “Ke buile le baporofeti, ka ntsifatsa dipono, ka bua ka ditshwantsho ka melomo ya baporofeti. Fa ba Gileate e le baikepi, ruri, ba tla latlhega; fa ba dira dipoo ditlhabelo mo Gilegala, dialetare tsa bone le tsona di tla fetoga mekoa ya matlapa mo meseleng ya tshimo.” Jakobe ene o kile a tshabela kwa nageng ya Siria, Iseraele a dira ka ntlha ya mosadi, a disa gore a bone mosadi. Mme Morena o ntshitse Baiseraele kwa Egepeto ka moporofeti, mme ba disiwa ke moporofeti. Eferaime o gakaditse Morena thata, mme Morena wa gagwe o tla digela melato ya polao ya gagwe mo go ene, a mmusolosetsa nyatso e o mo nyaditseng ka yona. E ne ya re fela fa Eferaime a bua, go nne letshogo; e ne e le yo mogolo mo Iseraeleng, mme a leofa ka Baale, a ba a swa. Mme jaanong ba tswelela pele go leofa, ba itirela setshwantsho se se bopilweng sa modimo ka selefera ya bona, le medimo ya diseto ka fa tlhaloganyong ya bone. Tiro yotlhe e ke ya bathudi fela. Ba tloga ba bua le yona, ee, bone ba ba dirang batho ditlhabelo ba atla medimo ya dinamane. Ka ntlha ya moo ba tla nna jaaka mouwane wa masa, le jaaka monyo o o tlhotlhoregang e sa le phakela, le jaaka moko o o gogolwang ke phefo mo seboaneng, le jaaka musi o o tswang mo leisong. “Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ga o itse modimo o sele kwa ntle ga me! Ga go na mopholosi fa e se nna ke le nosi. Ke nna ke neng ke go itse mo sekakeng, mo lefatsheng le le omeletseng. E rile ba ntse ba fula, ba kgora; ya re ba sena go kgora, dipelo tsa bone tsa ikgodisa; ka moo ba ntebala. Ka moo ke ba fetogela tau, ke ba lalela tseleng jaaka nkwe. Ke tla ba tlhasela jaaka bere e e thukhuthilweng bana, ke garola mafatlha a bone, ke ba ja teng jaaka tau e namagadi; dibata tsa naga di tla ba garola. “O a itatlha, Iseraele, fa o nkganetsa ke le thuso ya gago. Kgosi ya gago e kae jaanong? A e go thuse mo metseng yotlhe ya gago! Baatlhodi ba gago ba kae, ba o buileng ka ga bone wa re: ‘Mphe kgosi le dikgosana’? Ee, ke go naya kgosi ka bogale jwa me; ke tla ba ke e tlosa ka kgalefo ya me. “Tshiamololo ya Baeferaime e bofilwe, boleo jwa bone bo bolokilwe. Matlhoko a botsalo a tla ba wela, mme bona ke bana ba ba sa tlhalefang: E a re fa nako ya botsalo e fitlhile, ba se ke ba rate go tsalwa. Mme ke tla ba golola mo felong ga baswi, ke ba rekolola mo losong. Loso, matlhoko a gago a kae? Felo ga baswi, tshenyo ya gago e kae? Mme ga nkitla ke ikwatlhaela tseo. Le fa Eferaime a ungwa maungo mo gare ga bomorwa-rraagwe, go tla tla phefo e e tswang kwa botlhabatsatsi, e leng phefo ya Morena e e tsogang mo sekakeng. Foo motswedi wa gagwe o tla tšha, sediba sa gagwe se kgala. Mmaba o tla thopa khumo ya dilo tse di eletsegang tsa mefutafuta. Samaria o tla otlwa, gonne o tsogetse Modimo wa gagwe thata; ba tla wa ka tšhaka, bana ba bone ba tšhwetlakanngwa, basadi ba baimana ba bone ba tla segakwa dimpa.” Iseraele, tlhabologela kwa Moreneng, Modimo wa gago, gonne o ole ka tshiamololo ya gago. Tsamayang ka mafoko, lo boele kwa Moreneng, lo mo ree lo re: “Re itshwarele molato otlhe gore re amogele se se molemo! Mme re tla leboga ka melomo ya rona boemong jwa ditlhabelo. Asiria ga a na go re thusa; ga re nke re palama dipitse, ga re tlhole re bitsa tiro ya diatla tsa rona modimo wa rona; gonne lesiela le bona kutlwelo-botlhoko mo go wena.” “Ke tla fodisa boikepo jwa bona, ke ba rata ka pelotshweu; gonne bogale jwa me bo boile mo go bona. Ke tla nna mo Iseraeleng jaaka monyo, o tla thunya jaaka sešeše, a nama medi jaaka Lebanone. Matlhogela a gagwe a tla ntsifala; bontle jwa gagwe bo tla nna jaaka jwa setlhare sa olefa, monko wa gagwe o tshwana le wa Lebanone. Ba ba nnang mo moriting wa sona ba tla boa ba lema mabele, ba tlhoga jaaka setlhare sa moweine se se tumileng jaaka weine ya Lebanone. Eferaime o ka tlhola a dira eng ka medimo ya diseto? Nna ke mo utlwile, ke tla nna ke mo tlhokomela. Ke tla nna jaaka setlhare sa mosiperese se setala. Maungo a gago a tla tswa mo go nna.” Yo o botlhale a a tlhaloganye dilo tse! Yo o tlhalefileng a a di itse. Gonne ditsela tsa Morena di tlhamaletse. Basiami ba tla tsamaya mo go tsona, mme baikepi ba kgotšwa mo go tsona. Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Joele, morwa Phethuele, la re: Utlwang, lona banna bagolo! Sekegang ditsebe, lona baagi botlhe ba lefatshe! A selo se, se kile sa dirafala mo metlheng ya lona, gongwe mo sebakeng sa borraeno? Se boleleleng bana ba lona! Bana ba lona ba se bolelele bana ba bone! Bana ba bone ba se bolelele losika lo lo ba latelang! Se se tlogetsweng ke boijane se jewa ke segongwane; se se tlogetsweng ke segongwane sa jewa ke molome; se se tlogetsweng ke molome sa jewa ke tsie. Tsogang, lona matagwa, lo lele! Gwetlang lotlhe ba lo nwang weine ka ntlha ya matute a moweine, gonne a tlositswe mo melomong ya lona. Gonne setšhaba se se thata se se se nang palo se tlile mo lefatsheng la me; meno a sona a tshwana le a tau; se na le meno a ditlhaa jaaka tau e namagadi. Se sentse setlhare sa moweine sa me, se robile setlhare sa feie sa me, se se obotse makwati go gotlhe, sa a latlha. Dikala tsa sona di ditshweu. Hutsafala jaaka lekgarebe le le apereng diaparo tsa khutsafalo, le le hutsafalelang monyadi wa lone. Ditshupelo tsa dijo le dino di khutlisitswe mo Ntlong ya Morena; baperesiti, badiredi ba Morena, ba hutsafetse. Naga e fetotswe sekaka, masimo a tlhomola pelo, gonne mabele a sentswe, matute a moweine a kgadile, lookwane lo fedile. Balemi ba swabile, balemi ba meweine ba lela ka ntlha ya mabele le garase, gonne ga go na kotulo mo masimong. Setlhare sa moweine se omeletse, sa feie se swabile; le sa garanata le sa mokolane le sa apole le ditlhare tsotlhe tsa naga di omeletse; boitumelo bo tlogile jalo mo bathong. Itlameng, lo lele, lona baperesiti, lona badiredi ba aletare! Tlaang lo lale lo apere diaparo tsa khutsafalo, lona ba lo direlang Modimo wa me; gonne Ntlo ya Modimo wa lona e timiwa ditshupelo tsa dijo le dino. Bayang sebaka sa go itima go ja, bitsang phuthego, lo phuthele banna bagolo le baagi botlhe ba lefatshe kwa Ntlong ya Morena, Modimo wa lona, lo goeleng kwa Moreneng. Joo, letsatsi le, wee! Gonne letsatsi la Morena le gaufi; le tla tla jaaka kgatelelo e e tswang mo go Mong-wa-thata-yotlhe. A dijo ga di a tlosiwa fa pele ga matlho a rona? A boitumelo le meduduetso ga di a tlosiwa mo Ntlong ya Modimo wa rona? Dipeo di boletse mo mmung, difala ga di na sepe, matlo a mabele a rutlilwe; gonne mabele a swabile. Diruiwa di lela jang! Matlhape a dikgomo a a kaila, ka a tlhoka mafulo; matsomane le ona a a bogisega. Morena, ke kuela kwa go wena, gonne molelo o jele mafulo a naga; dikgabo tsa molelo di fisitse ditlhare tsotlhe tsa naga. Diphologolo tsa naga le tsona di go nyoretswe; gonne dinoka tsa metsi di kgadile, mme molelo o jele mafulo a naga. Letsang lonaka mo Sione, opang mokgosi mo thabeng e e boitshepo ya me, lo rorome, baagi botlhe ba lefatshe; gonne letsatsi la Morena le e tla, le gaufi. Ke letsatsi la lefifi, la bontsho, ke letsatsi la maru le mouwane; morafe o e tla jaaka mahube a a adilweng mo godimo ga dithaba, ke morafe o mogolo o o thata. Ga go ise go nne teng o o tshwanang le ona go tswa bogologolo. Le gona ga go kitla go nna le o o tshwanang le ona go fitlha dinyageng tsa ditshika tsotlhe. O etelelwa pele ke molelo o o jang, o latelwa ke kgabo e e tukang; lefatshe le tshwana le tshimo ya Etene fa pele ga ona, mme fa morago ga ona go sekaka fela se se tobekanyeng. Le gona ga go na sepe se se ka falolang mo go ona. Tebego ya ona e tshwana le ya dipitse; ba bile ba siana jaaka dipitse tse di palangwang. Ba tlola mo ditlhoeng tsa dithaba, ba utlwala jaaka dikoloi tse di kgothoselang le jaaka kgabo ya molelo o o tutumang, fa o ja dirite, le jaaka morafe o o thata o o iketleeleditseng tlhabano. Merafe e roroma ka tlalelo fa pele ga ona, difatlhego tsotlhe di tlhontse. Ba tla taboga jaaka diganka, ba palama lobota lwa motse jaaka batlhabani, ba tsamaya, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe, ba sa fapoge mo mebileng ya bona. Ga ba thulane ba a tsamaya, mongwe le mongwe mo mmileng wa gagwe; ba a tlhasela, ba ralala marumo, ba ntse ba tlhomaganye. Ba wela motse, ba siana godimo ga lobota, ba palama matlo, ba tsena ka difenstere jaaka legodu. Lefatshe le roroma fa pele ga bona, magodimo a a tetesela; letsatsi le ngwedi di a fifala, dinaledi di gonyetsa phatsimo ya tsona. Mme Morena o dumisa kodu ya gagwe fa pele ga lesomo la ntwa la gagwe; gonne lesomo la ntwa la gagwe le legolo thata. Ee, yo o dirafatsang lefoko la gagwe o thata; gonne letsatsi la Morena le legolo, le boitshega thata. Ke mang yo o ka le itshokelang? Mme Morena a re: “Le jaanong boelang kwa go nna ka bojotlhe jwa pelo tsa lona, le ka go itima go ja le ka selelo le ka khutsafalo.” Ikgagoleng dipelo, e seng diaparo, lo tlhabologele kwa Moreneng, Modimo wa lona; gonne ene o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko; o pelotelele le lorato lo logolo, mme o a tle a buse bogale jwa gagwe. Go itse mang, ka gongwe o tla bo busa gape, a tlogela lesego, e leng dijo le dino tse di supelwang Morena, Modimo wa lona. Letsang lonaka mo Sione, bayang sebaka sa go itima go ja, bitsang phuthego! Phuthang morafe, itshepiseng phuthego, phuthang banna bagolo, kgobokanyang bana le ba ba anyang! Monyadi a a tswe mo ntlwaneng ya gagwe le monyalwa mo borobalong jwa gagwe! A baperesiti, badiredi ba Morena, ba lele fa gare ga mathudi le aletare! A ba rapele ba re: “Morena, rekegela morafe wa gago! O se ka wa tlhabisa boswa jwa gago ditlhong gore ditšhaba di se ka tsa bo opela dipina tsa tshotlo! Kana ba tla bo ba buelang mo merafeng ba re: ‘Modimo wa bona o kae?’ ” Ke fa Morena a tlhoafalela lefatshe la gagwe, a rekegela morafe wa gagwe. Mme Morena a araba, a raya morafe wa gagwe a re: “Bonang, ke tla lo romela mabele le matute a moweine le lookwane, mme lo tla kgora ka tsona. Ga nkitla ke tlhola ke lo tlhabisa ditlhong mo ditšhabeng. “Mme mmaba yo o tswang kwa bokone ke tla mo kobela kgakala le lona, ke mo lelekela kwa lefatsheng le le omileng la sekaka; tlhogo ya gagwe kwa lewatleng la botlhabatsatsi le mogatla wa gagwe kwa lewatleng la bophirimatsatsi. Monkgo o o maswe wa gagwe o tla tlhatloga, sebodu sa gagwe se tla utlwala; gonne o ne a ikgantsha ka ditiro tsa gagwe. “Se boife, wena naga! Duduetsa o itumele; gonne tse dikgolo di dirwa ke Morena. Se boifeng, lona diphologolo tsa naga! Gonne mafulo a naga a tla tlhoga, ee, le ditlhare di tla ungwa maungo a tsona. Setlhare sa feie le sa moweine di tla ungwa ka fa thateng ya tsona. “Le lona, bana ba Sione, duduetsang lo itumele mo Moreneng, Modimo wa lona; gonne o tla lo naya moruti yo o lo rutang tshiamo; a lo nesetsa pula, pula ya ntlha le ya kgogolamoko jaaka mo metlheng ya pele. Diboana di tla tlala mabele, ditlhotlhelo di penologa matute a moweine le lookwane. Ke tla lo busetsa tsa dinyaga tsele tse di jelweng ke boijane le segongwane le molome le tsie, e leng lesomo le legolo la me le ke neng ke le rometse kwa go lona. “Mme lo tla ja letlotlo, lo kgora; lo tla baka leina la Morena, Modimo wa lona, yo o dirileng tse di gakgamatsang mo go lona, mme batho ba me ga ba nke ba tlhajwa ke ditlhong ka bosakhutleng. Mme lo tla itse gore, nna ke mo gare ga Iseraele, le gore ke nna Morena, Modimo wa lona, go se ope o sele! Mme batho ba me ga ba nke ba tlhajwa ke ditlhong ka bosakhutleng.” “Morago ga moo ke tla tshela Mowa wa me mo bathong botlhe. Bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba tla bolela Lefoko la Modimo; banna bagolo ba lona ba tla lora ditoro, makau a lona a tla bona dipono. Le gona ke tla tshela Mowa wa me mo batlhankeng le mo malateng mo metlheng eo. “Ke tla dira dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng, e leng madi le molelo le dipinagare tsa musi. Letsatsi le tla fetoga lefifi, ngwedi o tla fetoga madi, go ise go tle letsatsi la Morena le legolo, le le boitshegang. Mme mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la Morena o tla pholosiwa. Gonne go tla nna pholoso mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema jaaka Morena a buile, le mo go ba ba falotseng ba Morena o ba bitsang. “Gonne bonang, e tla re mo malatsing ao le ka sebaka seo, fa ke busa ba Juta le Jerusalema kwa tatlhegong, ke kgobokanye ditšhaba tsotlhe, ke ba folosetse kwa mokgatsheng wa ga Josafate, ke sekise merafe teng foo ka ntlha ya morafe wa me le boswa jwa me, e leng Iseraele, ka ba ba phatlaladitse mo ditšhabeng, ba abelana lefatshe la me. Ba tlhamela morafe wa me tengwa, ba tsaya mosimane, ba duela seaka ka ene; ba rekisa mosetsana ka ntlha ya weine gore ba nwe. “Le lona ba Tiro le Sitone le ba dinaga tsotlhe tsa Bafelesita, lo na le kgang efe le nna? A lo rata go mpusetsa se lo se diretsweng, gongwe a lo rata go ntirela bosula? Ke tla busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona ka bofefo le ka bonako. Gonne lo tsere selefera ya me le gouta ya me le mahumo a mantle a me, lwa di isa kwa ditempeleng tsa lona. Le gona lo rekisitse bana ba Juta le ba Jerusalema mo Bagerikeng, e le gore lo ba katoganye thata le lefatshe la ga bone. Bonang, ke tla ba tsosa gore ba boe mo felong kwa lo ba rekiseditseng teng, ke lo busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona. Mme bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ke tla ba rekisa mo Bajuteng, mme bone ba tla ba rekisa mo go Baseba, setšhaba se se kwa kgakala;” gonne Morena o buile jalo. Tlhabang mokgosi mo ditšhabeng o o reng: Ipaakanyetseng ntwa, tsosang diganka, atamelang lo bolole, lona batlhabani botlhe. Thulang megoma ya lona, e nne ditšhaka, lo fetole dithipa tsa lona marumo; yo o bokoa a a bue a re: “Ke seganka!” Itlhaganeleng lo tle kwano, lona ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong, lo kgobokaneng! Morena, folosetsa bagale ba gago teng! “A ditšhaba di nanoge, di ye kwa mokgatsheng wa ga Josafate; gonne teng koo ke tla nnela go atlhola ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong. Tsenyang sekele, gonne mabele a budule; tlaang lo gateng, gonne segatelo se tletse, ditlhotlhelo di a penologa; gonne bosula jwa bone bo bogolo.” A bontsintsi jwa batho mo mokgatsheng wa katlholelo! Gonne go atametse letsatsi la Morena mo mokgatsheng wa katlholelo. Letsatsi le ngwedi di tla bo di fifetse; dinaledi di gonyeditse phatsimo ya tsona. Mme Morena o tla duma go tswa Sione, a dumisa kodu ya gagwe go tswa Jerusalema, mo go tla bong go rorome legodimo le lefatshe. Mme Morena ke botshabelo jwa morafe wa gagwe le kago ya phemelo ya Baiseraele. “Mme lo tla itse, fa ke le Morena, Modimo wa lona, yo ke agileng mo Sione mo thabeng e e boitshepo ya me; foo Jerusalema e tla nna felo fa go boitshepo; ga go kitla go tlhola go ralalwa ke baeng. “Ka letsatsi leo dithaba di tla rotha matute a moweine, dithabana di ela mašwi; dinokana tsotlhe tsa Juta di ela metsi, mme motswedi o tla tswela mo Ntlong ya Morena, o nosetsa mokgatsha wa Sitime. “Egepeto o tla fetoga sekaka, Etomo a fetoga naga e e senyegileng ka ntlha ya setlhogo se ba se dirileng mo Bajuteng, ka ba tsholotse madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone. Mme Juta o tla nna le batho ka go sa feleng, le Jerusalema jalo mo ditshikeng tsotlhe. Madi a bone ke tla a kaya a a se nang molato, le fa ke a bonye molato pele. Mme Morena o tla agela ruri mo Sione.” 1 Mafoko a ga Amose yo e neng e le mongwe wa barui ba dinku kwa Thekoa, a tse o di bonyeng ka ga Iseraele mo metlheng ya ga Usia, kgosi ya Juta, le mo metlheng ya ga Jerobeame, morwa Joase, kgosi ya Iseraele, dinyaga tse pedi pele ga thoromo ya lefatshe. O buile a re: “Morena o tla duma go tswa Sione, a utlwatsa kodu ya gagwe go tswa Jerusalema; mafulo a badisa a tla swaba, setlhoa sa Karemele se omelela.” Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Damaseko, le fa e le a mararo fela. Gonne ba phothile ba Gileate ka meotlwana ya ditshipi. Mme ke tla latlhela molelo mo ntlong ya ga Hasaele gore o je matlo a borena a ga Benehatate. Ke tla roba diphemelo tsa Damaseko, ke nyeletsa baagi ba lebala la Awene, le kgosi e e tshotseng thobane ya bogosi mo Beth-Etene, mme morafe wa Siria o tla thopiwa, o isiwa kwa Kire.” Morena o buile jalo. Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Gasa, le fa e le a mararo fela, ka ba thopile batho botlhe, e le go ba neela Etomo. Mme ke tla latlhela molelo mo loboteng lwa Gasa gore o je matlo a borena a teng. Ke tla nyeletsa baagi ba Ašetote le kgosi e e tshotseng thobane ya bogosi mo Ašekalone, ke be ke ntsha letsogo go itaya Ekerone gore go latlhege masalela a Bafelesita.” Morena Modimo o buile jalo. Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Tiro, le fa e le a mararo fela. Gonne ba neetse Etomo batshwarwi botlhe, ba sa gopole kgolagano ya bana ba motho. Mme ke tla latlhela molelo mo loboteng lwa Tiro gore o je matlo a borena a teng.” Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Etomo, le fa e le a mararo fela. Gonne o lateletse morwa-rraagwe ka tšhaka, a latlha bopelotlhomogi jotlhe jwa gagwe, a nna a mo senyetsa ka bogale jwa gagwe, a mo tlhoela ruri. Mme ke tla latlhela molelo kwa Themane gore o je matlo a borena a Bosera.” Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Baamone, le fa e le a mararo fela. Gonne ba segakile basadi ba Gileate ba baimana dimpa, gore ba sutise molelwane wa bone. Mme ke tla tshuba molelo mo loboteng lwa Raba gore o je matlo a borena a teng, go ntse go tlhajwa mokgosi ka letsatsi la tlhabano, phefo e ntse e foka thata ka letsatsi la ledimo. Mme kgosi ya bona e tla isiwa mo botshwarong mmogo le dikgosana tsa yona.” Morena o buile jalo. Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Moabe, le fa e le a mararo fela, ka ba fisitse marapo a kgosi ya Etomo, ya nna molora. Mme ke tla latlhela molelo kwa Moabe gore o je matlo a borena a Keriothe, mme Moabe o tla swa ka modumo wa ntwa, fa go opiwa mokgosi, fa go lediwa lonaka. Ke tla nyeletsa mmusi mo gare ga bone, ke bolaya dikgosana tsotlhe tsa bone nae.” Morena o buile jalo. Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Juta, le fa e le a mararo fela, ka ba latlhile molao wa Morena, ba se ka ba tshegetsa ditaolo tsa gagwe, mme medimo ya maaka ya bone e ba timeditse e borraabo ba neng ba e sala morago. Mme ke tla latlhela molelo kwa Juta gore o je matlo a borena a Jerusalema.” Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Iseraele, le fa e le a mararo fela. Gonne ba rekisitse mosiami, go bona madi, le motlhoki go bona ditlhako tse pedi. Le gona ba batla go gatelela ba ba kwa tlase mo leroleng. Tsela ya ba ba bogisegang ba a e sokamisa. Motho le rraagwe ba tlhakanela morweetsana gore ba itshepolole leina le le boitshepo la me. Ba kanama mo diaparong tse di gapetsweng molato fa thoko ga aletare nngwe le nngwe, ba nwa weine e batho ba lefileng molato ka yona, ba e nwela mo ntlong ya modimo wa bone. “Mme nna ke nyeleditse Baamori ba ba godileng jaaka mesetere, ba ba thata jaaka metswere, fa pele ga bone; ka senya maungo a bone kwa godimo le medi ya bone kwa tlase. Gape ke nna ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ka lo etelela pele mo sekakeng dinyaga di le 40 gore lo ye go rua lefatshe la Baamori. Ka ba ka tsosa baporofeti mo go bomorwaa-lona, le baikiledi mo makaung a lona. A ga go a nna jalo, lona Baiseraele?” go botsa Morena. “Mme lona lo nositse baikiledi weine, lwa laola baporofeti lwa re: ‘Lo se ka lwa bolela Lefoko la Modimo.’ Bonang, ke tla theekedisa lefatshe fa tlase ga lona, jaaka go tle go theekele koloi e e tletseng dingata tsa mabele. Mme yo o lebelo o tla tlhoka botshabelo; yo o thata ga a nke a itse go dirisa thata ya gagwe; seganka ga se nke se pholosa bophelo jwa sone. Yo o hulang ka bora ga a nke a ema; yo o maoto a lobelo ga a kitla a falola; mopalami wa pitse ga a kitla a pholosa bophelo jwa gagwe. Le yo o pelokgale go phala bagale botlhe o tla tshaba a sa ikatega ka letsatsi leo,” go bua Morena. Utlwang lefoko le, le Morena a le buileng ka ga lona Baiseraele; ka ga losika lotlhe lo a lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a re: “Ke lona lo le losi ke lo itsileng mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe; ka ntlha ya moo ke tla lo beletsa maleo otlhe a lona.” A ba le babedi ba ka tsamaya mmogo, ba ise ba utlwane? A tau e ka rora mo sekgweng e se na thopo? A tawana e tla utlwatsa modumo wa yona mo kutleng ya yona e sa tshwara sepe? A nonyane e ka wela mo serung fa fatshe, e sa thaisiwa? A mutlwane o ka tsipoga fela, o sa tshware sepe? Gongwe a go ka lediwa lonaka fela mo motseng, batho ba sa tshoge? A kotsi e ka dirafalela motse e Morena a sa e dirafatsang? Gonne Morena Modimo ga a ke a dira sepe a ise a senolele baporofeti, batlhanka ba gagwe, sephiri sa gagwe. Tau e dumile, ke mang yo o sa boifeng? Morena Modimo o buile, ke mang yo o sa boleleng Lefoko la Modimo? Tlhabang mokgosi, lo o tlhabele matlo a borena a kwa Asiria le matlo a borena a kwa lefatsheng la Egepeto lo re: “Phuthegelang kwa dithabeng tsa Samaria, lo bone dikhuduego tse dikgolo tsa teng le dikgatelelo tse di leng gona.” Morena A re: “Ga ba itse go dira tse di siameng; tshiamololo le tshenyo ba di phuthela mo matlong a borena a bone.” Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: “Mmaba ke yo, o mo tikologong ya lefatshe! O tla fedisa thata ya gago; matlo a borena a gago a tla thukhuthwa dilo.” Morena o bua jaana a re: “Baiseraele ba ba agileng mo Samaria, ba ba ntseng mo ditulong tsa malao le mo diphateng tsa masela a Damaseko, ba tla pholosiwa jaaka modisa a tle a swapole memomo e le mebedi gongwe ntlha ya tsebe mo leganong la tau fela. Utlwang, lo tle lo nne basupi mo ntlong ya ga Jakobe,” go bua Morena, Modimo, Modimo wa masomosomo. “Ka letsatsi le ke beletsang Baiseraele ditlolo tsa bone ka lone, ke tla be ke senye dialetare tse di kwa Bethele gore dinaka tsa aletare di kgaolwe, di wele fa fatshe. Ke tla thubaka ntlo ya mariga mmogo le ya selemo; mme matlo a dinaka tsa ditlou a tla nyelela, matlo a mantsi a senyega,” go bua Morena. Utlwang lefoko le, lona dikgomo tse dinamagadi tsa Basane tse di mo thabeng ya Samaria; lona ba lo gatelelang batlhoki, ba lo pitlaganyang bahumanegi, ba lo rayang beng ba lona lo re: “Tlisang re nwe!” Morena Modimo o ikanne ka boitshepo jwa gagwe gore: “Malatsi a tla lo tlela a ba tla lo tlosang ka ona ka dikobe, le ba ba setseng mo go lona ka dikobe tsa motshwara-ditlhapi. Lo tla tswa lo gapilwe, mosadi mongwe le mongwe a tlhamaletse fela kwa a isiwang teng, lo latlhelwa kwa Haremona,” go bua Morena. “Tlayang kwa Bethele, lo leofe, le kwa Gilegala, lo leofele pele; tlisang ditlhabelo tsa lona mo mesong yotlhe, le dikarolo tsa bosome tsa lona ka letsatsi la boraro lengwe le lengwe. Tshubang he tshupelo ya tebogo ya tse di bedisitsweng, lo tlhabe mokgosi wa ditlhabelo tse di ntshiwang ka bopelotshweu, lo di bege; gonne ke se lo se ratang, lona Baiseraele,” go bua Morena Modimo. “Jaanong le fa ke lo nnisitse ka legano le se botlhoko mo metseng yotlhe ya lona, ka lo tlhokisa dijo mo mafelong otlhe a lona, ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena. “Le fa ke lo ganetse ka pula, ka go sa le dikgwedi di le tharo go fitlha thobong, ka e nesetsa motse mongwe, mme ka se ka ka e nesetsa motse o mongwe; tshimo nngwe ya nesediwa pula, mme tshimo e ke sa e nesetsang pula, ya swaba. Le fa ba metse e mebedi gongwe e meraro ba ne ba totobela kwa motseng o le mongwe gore ba nwe metsi, mme ba se ka ba nyorologa, ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena. “Ke lo beditse ka phori le ka mongadule mo mabeleng; le gona tsie e jele masimo a lona le masimo a meweine a lona le ditlhare tsa difeie le tsa diolefa tsa lona gantsi, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena. “Ke rometse leroborobo mo go lona jaaka kwa Egepeto, ka bolaya makau a lona ka tšhaka; dipitse tsa lona tsa thopiwa, ka tlhatlosa sebodu sa bothibelelo jwa lona, sa ba sa lo nkgela mo dinkong tsa lona, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena. “Ke ne ka ribegetsa bangwe ba lona jaaka Modimo o kile wa ribegetsa Sotoma le Gomora, lwa nna jaaka motswaiso o o swatotsweng mo molelong; mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena. “Ke ka moo ke tla lo direlang jaana, lona Baiseraele; jaanong e re ka ke tla lo direla jaana, iketleeletseng go kgatlhantsha Modimo wa lona, lona Baiseraele.” Gonne bonang, ene yo o bopang dithaba, a tlhola phefo, a itsise batho maikaelelo a gagwe, a dira mahube le lefifi, a gata mo mafelong a a kwa godimo a lefatshe: Leina la gagwe ke Morena Modimo wa masomosomo. Utlwang lefoko la sefela sa selelo se ke lo lelelang ka sona, lona Baiseraele, ke re: “Lekgarebe la Iseraele le ole, ga le kitla le tlhola le tsoga; le namaletse mo lefatsheng la lone, ga go na yo o ka le tsosang.” Gonne Morena Modimo o bua jaana a re: “Motse wa Baiseraele o go tswang ba le sekete o tla salelwa ke ba le lekgolo fela; o go tswang ba le lekgolo o tla salelwa ke ba le some fela.” Gonne Morena o bua jaana le Baiseraele a re: “Mpatleng, foo lo tla phela! Se batleng Bethele, se tseneng kwa Gilegala, se feteleng kwa Bereseba; gonne Gilegala o tla thopiwa, a isiwa mo botshwarong, mme Bethele o tla fetoga lefelafela.” Batlang Morena, foo lo tla phela; e se re gongwe a tlhasela ntlo ya Josefa jaaka molelo o o jang, go se yo o ka o timelang Iseraele; lona ba lo fetolang katlholo longana, ba lo digelang tshiamo fa fatshe! Yo o dirang Selemela le Dikolobe, yo o fetolang lefifi moso, a ba a fifatsa motshegare bosigo, yo o bitsang metsi a lewatle, a a tshela mo lefatsheng: Leina la gagwe ke Morena. O ratha ba ba thata ka tshenyego jaaka tladi; tshenyego e tla wela metse e e femetsweng. Ba tlhoile yo o emelang tshiamo mo lekgotleng, ba tenwa ke yo o buang nnete. Ka moo e re ka lo gatelela mohumanegi, lo amogela lekgetho la mabele mo go ene, ga lo kitla lo nna mo matlong a lo a agileng ka mafika a a betlilweng; ga lo kitla lo nwa weine ya masimo a mantle a ditlhare tsa moweine tse lo di tlhomileng. Gonne ke a itse, ditlolo tsa lona di dintsi, le maleo a lona a a boitshega, ba lo ilang mosiami, lo amogela madi a thelesetso, lo gatelela mohumanegi mo lekgotleng. Ka moo, yo o nang le tlhaloganyo o tla didimala ka sebaka seo; gonne ke sebaka se se boitshegang. Batlang tse di molemo, e seng tse di bosula, gore lo tle lo phele, mme Morena, Modimo wa masomosomo, a tle a nne le lona jaaka lo a tle lo bue. Tlhoang tse di bosula, ratang tse di molemo, dirang tshiamo mo lekgotleng; ka gongwe Morena, Modimo wa masomosomo, o tla utlwela masalela a ga Josefa botlhoko. Ka moo, Morena, Modimo wa masomosomo, Morena o bua jaana a re: “Go selelo mo dipatlelong tsotlhe; mo ditseleng tsotlhe ba bua ba re: ‘Joo, rona wee!’ Ba biletsa balemi khutsafalong; ba ba itseng difela tsa khutsafalo ba bilediwa selelong. Le gona go tla nna selelo mo masimong otlhe a moweine, mogang ke ralalang mo gare ga lona,” go bua Morena. A tatlhego ya bone wee, ba ba eletsang letsatsi la Morena! Kana letsatsi la Morena le tla nna jang mo go lona? Le tla nna lefifi, e seng lesedi! Go tla nna jaaka fa monna a tshaba tau, mme a kgatlhana le senonnori; gongwe a tshabela mo ntlong, a ikaega ka seatla mo loboteng, mme noga e mo loma. “A ga ke re, letsatsi la Morena le tla nna lefifi, e seng lesedi; le tla nna bontsho, le se na phatsimo! “Ke tlhoile meletlo ya lona, ke a e nyatsa; ga ke rate monkgo wa dikgobokano tsa lona. Gonne le fa lo mphisetsa ditlhabelo le ditshupelo tsa dijo tsa lona, ga di nkgatlhe, le setlhabelo sa tebogo sa dinamane tse di nonneng tsa lona ke gana go se bona. Tlosang tlhodio ya difela tsa lona mo go nna; ga ke rate go utlwa melodi ya diletso tsa lona. Mme katlholo e tla phothosela jaaka metsi, le tshiamo jaaka noka e e sa kgaleng. “A e rile fa lo le kwa sekakeng dinyaga di le 40, lwa ntlisetsa ditlhabelo le ditshupelo tsa dijo, lona Baiseraele? Lo tla rwala Sikhuthe, kgosi ya lona, le Kewane wa naledi, ditshwantsho tsa medimo ya lona tse lo di itiretseng, mme ke tla lo isa botshwarong kgakala go feta Damaseko,” go bua yo leina la gagwe e leng Morena, Modimo wa masomosomo. A tatlhego ya bone wee ba ba ikgodisetsang Sione, ba ba ikanyang thaba ya Samaria! Ba e leng ditlhogo tsa moeteledi pele wa ditšhaba, ba ba okameng Baiseraele. Tshelelang kwa Kalene, lo ye go bona; lo tswe teng lo ye kwa Hamathe yo mogolo, lo be lo ye kwa Gathe wa Bafelesita. A ga ke re, ba phala magosi ano! A ga ke re, mafatshe a bone a atlhame bogolo go a lona! Lona ba lo reng lo kgakala le letsatsi le le bosula, mme lo atametsa tshiamololo gore e nnele ruri; ba lo rapamang mo malaong a dinaka tsa ditlou, lo itshidila mo “disofeng” tse di boleta, lo ja dikwana tsa letsomane le dinamane tse di tswang mo lesakeng; ba lo opelang dipina tsa boeleele le medumo ya harepa; lo itlhoma lo itiretse diletso jaaka Dafita; ba lo nwang weine ka megotšwana ya ditshupelo; lo tlôla lookwane lo lo tlhaotsweng, mme lo sa utlwele tshenyego ya Josefa botlhoko; ke ka moo lo tla isiwang mo botshwarong jaanong, lo etelela batshwarwi pele; mme tlhapelo ya ba ba rapameng mo malaong e tla khutla. Morena Modimo o ikanne ka bophelo jwa gagwe, go bua Morena, Modimo wa masomosomo, a re: “Ke tenwa ke boikgodiso jwa Jakobe, ke ila matlo a borena a bone; ke ka moo ke latlhang motse le tsotlhe tse di mo go ona.” Mme le fa go ka sala banna ba le some mo ntlong e le nngwe, ba tla swa. Jaanong fa wa ga gabo moswi yo o mo fisang a mo tsaya go tlosa setoto mo ntlong, a raya yo o kwa tengteng ga ntlo a re: “A o sa ntse o na le yo mongwe?” Mme yoo a araba a re: “Ba feleletse,” foo mofitlhi o tla re: “Didimala o re tu! Leina la Morena le se ka la umakiwa.” Gonne bonang, Morena o tla laola gore ntlo e kgolo e itewe, e phatlakanngwe, le ntlo e nnyane e itewe, e thubaganngwe. A dipitse di ka siana mo mafikeng? Gongwe a lewatle le ka lengwa ka dipholo? Gonne lo fetotse katlholo mogau, le leungo la tshiamo lo le fetotse longana. Lona ba lo thabelang motse wa “Se-e-seng-sepe”, lo re: “A ga re a thopa wa Karenaime ka thata ya rona?” Gonne bonang, lona Baiseraele, go bua Morena, Modimo wa masomosomo, a re: “Ke tla lo tsosetsa setšhaba se se tla lo pitlaganyang go simolola ntlheng ya Hamathe le go fitlha kwa molapong wa sekaka.” Morena Modimo o ne a ntshupetsa jaana: Ka mmona a bopa tsie, fa bojang jwa morago bo simolola go tlhoga; kana ke bojang jwa morago, fa kgosi e sena go segelwa. Jaanong ya re tsie e sena go fetsa go ja morogo wa lefatshe, ka re: “Morena Modimo, a ko o itshwarele! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.” Ke fa Morena a rebega bogale. Morena a re: “Ga go kitla go dirafala!” Morena Modimo a ba a ntshupetsa jaana: Ka bona Morena Modimo a bitsa molelo go seka ka ona, mme molelo wa kgadisa morwalela o mogolo, wa ba wa ja tshimo. Mme ka re: “Morena Modimo, a ko o lese! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.” Ke fa Morena a rebega bogale gape. Morena Modimo a re: “Ga go kitla go dirafala!” A ba a ntshupetsa jaana: Ka bona Morena a eme mo loboteng lo lo tsepameng, a tshotse serophiso ka seatla. Ke fa Morena a nthaya a re: “O bona eng, Amose?” Ka re: “Ke bona serophiso.” Morena a ba a re: “Bona, ke tla baya serophiso mo gare ga Baiseraele, morafe wa me. Ga nkitla ke tlhola ke ba rekegela. Mme dithota tsa tlhabelo tsa Isaka di tla fetolwa sekaka; mafelo a a boitshepo a Iseraele a tla fetoga marope, mme ke tla tsogela ba ntlo ya ga Jerobeame ka tšhaka.” Ke fa Amasia, moperesiti wa kwa Bethele a romela kwa go Jerobeame, kgosi ya Iseraele, a re: “Amose o go tsosetsa pheretlhego mo Baiseraeleng. Lefatshe ga le kgone go itshokela mafoko otlhe a gagwe. Gonne Amose o buile jaana a re: ‘Jerobeame o tla swa ka tšhaka, mme Baiseraele ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ” Mme Amasia a raya Amose a re: “Wena mmoni, tsamaya o tshabele kwa lefatsheng la Juta, o je dijo gona, o bolele Lefoko la Modimo gona. Mme o se tlhole o bolela Lefoko la Modimo mo Bethele, gonne ke felo ga boitshepo ga kgosi, e bile ke tempele ya morafe.” Amose a fetola a raya Amasia a re: “Ga ke moporofeti le e seng morwa moporofeti; gonne ke ne ke le modisa wa dikgomo le molemi wa mefaa. Ke fa Morena a ntsaya ke setse letsomane morago, mme Morena a nthaya a re: ‘Yaa o bolelele Baiseraele, morafe wa me, Lefoko la Modimo.’ Jaanong utlwa Lefoko la Morena: Ke wena o reng: ‘Se bolelele thato ya Modimo ka ga Baiseraele, se kgalemele ba ntlo ya lsaka.’ Ke ka moo Morena a buileng jaana a re: ‘Mosadi wa gago o tla fetoga seaka mo motseng, bomorwao le bomorwadio ba tla wa ka tšhaka, tshimo ya gago e tla kgaoganngwa ka mogala, mme wena o tla swela mo nageng e e itshekologileng; Baiseraele bone ruri ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ” Morena Modimo a ntshupetsa jaana: Ka bona tlatlana e e nang le maungo a letlhafula. Mme a re: “O bona eng, Amose?” Ka re: “Ke bona tlatlana e e nang le maungo a letlhafula.” Ke fa Morena a nthaya a re: “Bokhutlo bo gorogetse morafe wa me wa Iseraele, ga nkitla ke tlhola ke ba rekegela. Difela tsa ntlo ya borena di tla fetoga selelo ka sebaka se,” go bua Morena Modimo. “Ditoto tse dintsi di tla gasanngwa go ntse go rile tu!” Utlwang, lona ba lo gatelelang bahumanegi, ba lo bogisang batlhoki mo lefatsheng, lo re: “Ngwedi o tla rogiwa leng gore re rekise mabele? Sabata o tla fela leng gore re bule difala tsa mabele, re fokotse seelo, re godise tlhwatlhwa, re tsietse ka dikale tse e seng tsona; gore re reke ba ba kwa tlase ka madi le mohumanegi ka ditlhako tse pedi; le gona re tla rekisa dikgofa jaaka mabele.” Morena o ikanne ka bogolo jwa ga Jakobe a re: “Ruri, ga nkitla ke lebala ditiro dipe tsa bone ka go sa feleng. Lefatshe a ga le na go roroma ka ntlha ya tseo? Ba ba agileng mo go lone a ga ba na go hutsafala botlhe? Ee, le tla gogomoga lotlhe jaaka noka ya Nile, le huduiwa, le be le kokobela jaaka noka ya Egepeto.” Morena Modimo a re: “Ka letsatsi leo ke tla phirimisa letsatsi motshegare, ke fifatsa lefatshe go sa le lesedi. Ke tla fetola meletlo ya lona khutsafalo, le difela tsotlhe tsa lona dilelo; ke apesa matheka otlhe ka diaparo tsa khutsafalo, ke dira ditlhogo tsotlhe mafatla; ke lo tlisetsa khutsafalo ya ba ba swetsweng ke ngwana yo o esi, mme bokhutlo jwa teng bo tshwana le letsatsi le le galakang.” Morena Modimo o bua a re: “Bonang, malatsi a e tla a ke tla romelang tlala mo lefatsheng ka ona, e seng tlala ya bogobe le e seng lenyora la metsi, mme e le leuba la go utlwa mafoko a Morena. Ba tla kgarakgatshega ba tswa lewatleng ba ya lewatleng, ba tswa kwa bokone ba ya kwa botlhabatsatsi, ba kaila go batla Lefoko la Morena, mme ga ba kitla ba le bona. Ka sebaka seo, makgarebe a mantle le makau a tla idibala ka lenyora, a a ikanang ka ‘Boleo-jwa-Samaria’ a re: ‘Ka bophelo jwa modimo wa gago, Dane!’ Gape: ‘Ka bophelo jwa Tsela-ya-Bereseba!’ a tla wa, mme ga a kitla a tlhola a tsoga.” Ke ne ka bona Morena a eme a okame aletare a re: “Itaya tlhogo ya leotwana gore direpodi di reketle, o di thubaganyetse mo ditlhogong tsa bone botlhe, ba ba setseng mo go bone ke tla ba bolaya ka tšhaka, ga go na motshabi ope wa bone yo o ka falolang, ga go na mofalodi ope mo go bone yo o ka phologang. Le fa ba ka sutlhelela kwa felong ga baswi, letsogo la me le tla ba ntsha teng; le fa ba ka tlhatlogela kwa legodimong, ke tla ba folosa gona. Le fa ba ka iphitlha mo setlhoeng sa Karemele, ke tla ba tsaya ka motlhala, ke ya go ba tshwara; le fa ba ka itshuba fa pele ga matlho a me kwa tlase ga lewatle, ke tla laola noga gona gore e ba lome. Le fa ba ka etelela baba ba bone pele e le batshwarwi, ke tla laola tšhaka teng gore e ba bolae, ke tla tsepega matlho mo go bone go ba direla tse di botlhoko, e seng tse di molemo.” Morena Modimo wa masomosomo ke ene yo o amang lefatshe gore le gakologe, mme go hutsafale botlhe ba ba agileng mo go lone; le be le gogomoge lotlhe jaaka noka ya Nile, le be le kokobele jaaka noka ya Egepeto. Ke ene yo o agileng meago ya gagwe kwa magodimong, a thaya loapi lwa gagwe mo lefatsheng; ke ene yo o bitsang metsi a lewatle, a a tshela mo lefatsheng. Leina la gagwe ke Morena. “Lona Baiseraele, a ga lo tshwane le Baethiopia mo go nna?” go botsa Morena. “A ga ke a ntsha Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto le Bafelesita kwa Khafethore le Basiria kwa Kire?” Bonang, matlho a Morena Modimo a lebile bogosi jo bo boleo wa re: “Ke tla bo nyeletsa mo lefatsheng; fela ga nkitla ke senya ntlo ya Jakobe, ke be ke e tantanyetsa,” go bua Morena. “Gonne bonang, ke tla laola gore Baiseraele ba feferelwe mo ditšhabeng tsotlhe, jaaka go feferwa mabele ka loselo, mme ga go na tlhaka epe e e tla welang fa fatshe. Baleofi botlhe ba morafe wa me ba tla swa ka tšhaka, ba ba reng: ‘Kotsi eo ga e nke e re wela le e seng go kopana le rona.’ “Ka sebaka seo ke tla tsosa ntlo ya ga Dafita e e weleng, ke thiba diphatlha tsa yona, ke tsosa marope a yona, ke e aga gape jaaka metlheng ya pele, gore ba rue masalela a Etomo le a ditšhaba tsotlhe tse leina la me le biditsweng mo go tsona,” go bua Morena yo o dirang dilo tseo. Morena a re: “Bonang, malatsi a e tla, a ka ona molemi o tla kgatlhanang le yo o kotulang; le yo o gatang maungo a moweine a fitlhelang yo o gasang peo. Dithaba di tla rotha matute a moweine, dithabana tsotlhe di tla gakologa. Ke tla busa Baiseraele, morafe wa me, kwa tatlhegong gore ba age metse e e sentsweng, ba nne mo go yona; ba jwale masimo a meweine, ba nwe weine ya ona; ba leme masimo, ba je dijo tsa ona. Mme ke tla ba tlhoma mo lefatsheng la bone, mme ga ba kitla ba tlhola ba kumolwa mo lefatsheng la bone le ke le ba neileng,” go bua Morena, Modimo wa gago. Pono ya ga Obatya. Morena Modimo o bua jaana ka ga Etomo a re: Re begetswe ke Morena ga twe: Morongwi o romilwe kwa ditšhabeng a re: “Nanogang, a re bololeng go tlhabana nae!” “Bona, ke go dirile yo monnye mo ditšhabeng, o a nyatsega thata. Boikgogomoso jwa pelo ya gago bo go tsieditse, wena yo o agileng mo dikgageng tsa mafika, yo o nnang mo mafelong a a kwa godimo, yo o buang mo pelong ya gago o re: ‘Ke mang yo o ka ntigelang fa fatshe?’ Le fa o dira sentlhaga sa gago kwa godimodimo jaaka ntsu; le fa e le se se tlhomilweng mo gare ga dinaledi, ke tla go folosa teng,” go bua Morena. “Fa magodu a tla kwa go wena, le fa e le dinokwane bosigo – kana o nyalediwa jang! – ga ke re, ba tla utswa ka fa go ba lekanyeng ka teng? Fa bafudi ba maungo a moweine ba tla kwa go wena, ga ke re, ba tla tlogela maronopo? Kana ba fukutsa Esau jang, ba batla mahumo a gagwe a a fitlhilweng! Banna botlhe ba ba ikopantseng nao ba go buseditse kwa molelwaneng; banna ba o tsalanyeng nabo ba go tsieditse, ba go gatelela, ba go beela seru fa tlase ga gago boemong jwa go go naya dijo tsa gago. Mme Esau ga a lemoge sepe. “A ga nkitla ke fedisa matlhale mo go Etomo le tlhaloganyo mo dithabeng tsa ga Esau ka letsatsi leo?” go botsa Morena. “Wena motse wa Themane, bagale ba gago ba tla bo ba nyemile moko gore mongwe le mongwe a bolawe mo dithabeng tsa ga Esau ka polao e e setlhogo.” “Ditlhong di tla go khurumetsa, o nyelediwa ka go sa feleng ka ntlha ya go gatelela Jakobe monnao. E rile ka letsatsi lele, fa o ne o eme kwa thoko; ka letsatsi lele, fa baeng ba ne ba tlosa batlhabani ba gagwe e le batshwarwi; fa ba ditšhaba di sele ba ne ba tsena mo dikgorong tsa gagwe, ba tlhamela Jerusalema tengwa, le wena wa bo o le jaaka mongwe wa bone. Kana o ne o sa tshwanela go leba letsatsi la tatlhego ya ga monnao ka boitumelo; o ne o sa tshwanela go itumela ka letsatsi la nyelelo ya bana ba Juta; o ne o sa tshwanela go ikgantsha ka letsatsi la pitlagano. O ne o sa tshwanela go tsena mo kgorong ya morafe wa me ka letsatsi le ba neng ba le mo bothateng ka lone; wena o ne o sa tshwanela go leba botlhoko jo bo ba dirafalelang ka kgatlhego ka letsatsi la tlalelo ya bone; o ne o sa tshwanela go thopa lehumo la bone ka letsatsi la tlalelo ya bona. O ne o sa tshwanela go ema, fa ditsela di kgabaganyang teng go bolaya ba ba falotseng ba bone; o ne o sa tshwanela go neela baba bafalodi ba bone ka letsatsi la pitlagano.” “Gonne letsatsi la Morena la go atlhola ditšhaba tsotlhe le gaufi: O tla direlwa jaaka o dirile, tiro ya gago e tla boela mo tlhogong ya gago. Gonne ditšhaba tsotlhe di tla nwa ka gale, jaaka lo nwele mo thabeng e e boitshepo ya me; di tla nwa, di minolosa gore di be di nne jaaka ekete ga di ise di ke di nne teng.” “Mme mo thabeng ya Sione go tla nna pholoso, Sione e tla nna felo fa go boitshepo, mme ba ntlo ya Jakobe ba tla rua boswa jwa bone. Foo ba ntlo ya Jakobe ba tla nna molelo, ba ntlo ya Josefa ba nne kgabo, mme ba ntlo ya Esau ba tla nna dirite: Ba tla tshujwa, ba jewa ka bone, go se ke go nne masalela a ba ntlo ya Esau,” gonne Morena o buile jalo. “Ba ntlheng ya borwa ba tla rua dithaba tsa Esau, ba naga e e kwa tlase ba rua naga ya Bafelesita; ba ba mo dithabeng ba tla rua naga ya Eferaime le ya Samaria, Babenyamene ba rua Gileate. Mme batshwarwi ba mophato o wa Baiseraele ba tla thopa naga ya Bakanana go fitlha kwa Sarefathe; batshwarwi ba Jerusalema ba ba kwa Sefarada, ba tla rua metse e e kwa borwa. Mme bapholosi ba tla tlhatlogela mo thabeng ya Sione, gore ba buse dithaba tsa Esau, mme bogosi e tla nna jwa Morena.” Lefoko la Morena le kile la tla kwa go Jona, morwa Amithai, la re: “Tloga ò ye kwa motseng o mogolo wa Ninife, ò o kgalemele ka thero; gonne bosula jwa bone bo tlhatlogetse fa pele ga me.” Mme Jona a nanoga, a re o tshabela kwa Tharesise, a tshaba sefatlhego sa Morena; a fologela kwa Jafo, a fitlhela mokoro teng o o yang kwa Tharesise, a ntsha tuelo ya ona, a ba a o palama, a re o ya nabo kwa Tharesise go tshaba sefatlhego sa Morena. Mme Morena a fokisa phefo e kgolo mo lewatleng; ga nna ledimo le legolo mo lewatleng, mokoro wa ba wa batla go robega. Ke fa batsamaisi ba mokoro ba boifa, mongwe le mongwe a goela kwa modimong wa gagwe; ba latlhela dithoto tse di mo mokorong mo lewatleng go imolola mokoro gore o tlhofofale. Jona ene o ne a fologetse mo teng ga mokoro kwa tlase, a robetse, a thulametse. Mme molaodi wa mokoro a mo atamela, a mo raya a re: “O robaletse eng? Tsoga o rapele Modimo wa gago! Ka gongwe Modimo wa gago o ka re gopola gore re se nyelele.” Mme ba raana ba re: “Tlaang a re tlhameng tengwa, re tle re itse gore re dirafalelwa ke bosula jo ka ntlha ya ga mang?” Jaanong ya re ba tlhama tengwa, tengwa ya supa Jona. Ke fa ba mo raya ba re: “A ko ò re bolelele gore tlalelo e e re dirafaletsa ka ntlha mang? Tiro ya gago ke eng? O tswa kae? Lefatshe la ga eno le kwa kae? O mokae, wena?” A ba araba a re: “Ke Mohebere, ke boifa Morena, Modimo wa legodimo, o o dirileng lewatle le lefatshe.” Ke fa banna ba boifa segolo thata, ba mo raya ba re: “Ke eng se ò se dirileng?” Gonne ba ne ba itse gore o tshabile sefatlhego sa Morena, ka a ba boleletse. Ba be ba mmotsa ba re: “Re dire eng ka wena gore lewatle le kokobele mo tikologong ya rona?” Gonne lewatle le ne le ntse le huduegela pele. Ke fa a ba raya a re: “Ntseeng lo ntigele mo lewatleng; foo lewatle le tla kokobela mo tikologong ya lona. Gonne ke a itse gore ledimo le legolo le, le lo tletse ka ntlha ya me.” Mme banna ba hudua gore ba busetse mokoro kwa lefatsheng, fela ba palelwa; gonne lewatle le ne le ntse le huduegela pele, le tlhabaganye le bone. Ke fa ba rapela Morena ba re: “Ao, Morena, a re se ka ra nyelela ka ntlha ya bophelo jwa monna yo! O se ka wa re bona molato wa re, re bolaile motho yo o se nang molato! Gonne wena Morena ò dirile ka fa ò kgatlhegang ka teng.” Jaanong ba tsaya Jona, ba mo latlhela mo lewatleng. Ke fa go suma ga lone go khutla. Mme banna bao ba boifa Morena segolo thata, ba tlhabela Morena setlhabelo, ba ikana maikano. Mme Morena a roma tlhapi e kgolo gore e metse Jona. Mme Jona a nna mo mpeng ya tlhapi malatsi a le mararo le masigo a le mararo. Jaanong Jona a rapela Morena, Modimo wa gagwe, a le mo mpeng ya tlhapi a re: “Ke ne ka rapela Morena ke le mo tlalelong, mme a nkutlwa; ka goa ke le mo felong ga baswi, mme wa utlwa lentswe la me. O ne o ntatlhetse kwa tengteng mo gare ga lewatle; morwalela o ne o ntikanyetsa. Dintelo tsotlhe tsa gago le makhubu a gago a metsi tsa feta godimo ga me. Mme ke itheile ka re: ‘Ke lelekilwe ka tlosiwa fa pele ga gago. A ke tla tlhola ke bona Tempele e e Boitshepo ya gago gape?’ Metsi a ne a ntikaganyetsa, a batla go mpeta, morwalela o le mo tikologong ya me, motlhaka wa lewatle o ntharile tlhogo. Ka fologela kwa metheong ya dithaba, ka tswalelwa ke lefatshe ka go sa feleng, mme wena o ntshitse bophelo jwa me mo bodibeng, Morena, Modimo wa me. E rile mowa wa me o tlhoboga mo teng ga me, ka gakologelwa Morena; thapelo ya me ya fitlha koo go wena mo Tempeleng e e Boitshepo ya gago. Ba ba tlotlang medimo ya boithamako, ba tlogela yo o bopelotlhomogi le bone. Mme nna ke rata go go direla setlhabelo ka lentswe le le lebogang. Se ke se ikanetseng ke tla se dirafatsa. Thuso e mo Moreneng.” Ke fa Morena a laola tlhapi gore e tlhatsetse Jona kwa lefatsheng. Jaanong Lefoko la Morena la tla kwa go Jona la bobedi la re: “Tloga o ye kwa motseng o mogolo wa Ninife, o rere thero teng e ke tla e go bolelelang.” Ke fa Jona a nanoga, a ya kwa Ninife ka fa Lefokong la Morena. Mme Ninife e ne e le motse o mogolo fa pele ga Modimo, o o boatlhamo jwa tsamao ya malatsi a mararo. Ya re Jona a simolola go tsena mo motseng, a tsamaya leeto la letsatsi le le lengwe, a tlhaba mokgosi a re: “Ninife o tla ribegediwa, malatsi a 40 a sena go feta!” Mme banna ba Ninife ba dumela mo Modimong, ba opa mokgosi o o reng: “Itimeng dijo!” Ba apara diaparo tsa boikwatlhao, ba bagolo le ba bannye. E rile mafoko a, a fitlha kwa kgosing ya Ninife, ya nanoga mo sedulong sa yona sa bogosi, ya apola kobo ya yona ya bogosi, ya apara masela a boikwatlhao, ya nna mo moloreng, ya tlhaba mokgosi mo Ninife o o reng: “Ka taolo ya kgosi le dikgosana tsa yona, utlwang: ‘A batho ba se ka ba ja sepe, le fa e le diphedi, e leng dikgomo le difutshane; a di se ka tsa fula, le e seng go nwa metsi! A batho ba apare diaparo tsa boikwatlhao, diphedi le tsona di apesiwe jalo, mme a ba rapele Modimo thata, mme mongwe le mongwe a boe mo tseleng ya gagwe e e bosula le mo tshenyong ya diatla tsa gagwe! Go itse mang? Ka gongwe Modimo o ka busa pelo, wa boa mo bogaleng jwa ona jo bo tukang gore re se ka ra nyelela.’ ” Jaanong ya re Modimo o bona ditiro tsa bona tsa go boa mo ditseleng tse di bosula tsa bone, Modimo wa ithibela mo petsong e o neng o ikaeletse go e ba direla mme wa se ka wa e dirafatsa. Mme Jona a kgopisega thata, a ngala, a rapela Morena a re: “Ao, Morena, a ga ke a re jalo ke sa le mo lefatsheng la ga etsho? Ke ka moo ke neng ke itlhaganela go tshabela kwa Tharesise. Kana ke ne ke itse gore ò Modimo o o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko, o o bopelotelele le bopelotlhomogi jo bogolo, o o busang pelo mo bogaleng. Jaanong Morena, a ko o tlose mowa wa me mo go nna; gonne mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.” Ke fa Morena a re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo?” Mme Jona a tswela kwa ntle ga motse, a nna fa fatshe mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse; a itirela leobo gona, a nna fa tlase ga lone mo moriting go ya go fitlhelela a bone se se tla dirafalelang motse. Ke fa Morena a tlhogisa mokhure gore o okame Jona, o mo direle moriti mo tlhogong, o mo tlose mo ngalong ya gagwe. Mme Jona a itumelela mokhure oo thata thata. Jaanong ya re mahube a tlhatloga mo letsatsing la ka moso, Modimo wa laela seboko; sona sa fetlha mokhure oo, wa ba wa swaba. Ya re letsatsi le tswa, Modimo wa fokisa phefo e e bolelo ya botlhabatsatsi; ke fa letsatsi le tlhaba Jona mo tlhogong, a ba a nyema moko, a kopela mowa wa gagwe go swa a re: “Mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.” Mme Modimo wa raya Jona wa re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo ka ntlha ya mokhure?” A araba a re: “Ke tla tuka bogale ka tshwanelo go fitlha losong.” La bofelo Morena a re: “Wena ò tlhomogela mokhure pelo o ò sa itapisang ka ntlha ya ona, o ò sa o godisang. O godile mo bosigong bo le bongwe, wa ba wa nyelela mo bosigong bo le bongwe. Mme nna a ga ke a tshwanela go tlhomogela Ninife pelo, yo e leng motse o mogolo, o o nang le batho ba ba fetang 120 000 ba ba sa itseng go farologanya letsogo le le jang le la molema, le diphedi di le dintsi?” Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Miga wa kwa Morešethe mo malatsing a ga Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, la tse o di bonyeng ka ga Samaria le Jerusalema. Utlwang, lona merafe yotlhe! Tlhokomela, wena lefatshe, le lona dilo tse di mo go lone! Morena Modimo o tla supa ka ga lona, Morena a le mo Tempeleng e e Boitshepo ya gagwe. Gonne bonang, Morena o tla tswa mo felong ga gagwe, a fologa, a gata mafelo a a kwa godimo a lefatshe. Dithaba di tla gakologa fa tlase ga gagwe, mabala a phatloga jaaka mmotu mo molelong le jaaka metsi a a fologang mo thabeng. Tsotlhe tse, di tla ka ntlha ya boikepo jwa Jakobe le ka ntlha ya maleo a Baiseraele. Ke mang yo o leofisitseng Jakobe? A ga se Samaria? Dithota tsa tlhabelo tsa Juta di tswa kae? A ga di tswe kwa Jerusalema? “Ka moo ke tla dira Samaria marope a naga le tshimo fa ditlhare tsa moweine di tlhongwang teng; ke kgokolosetsa mafika a teng kwa leboeng, ke senola metheo ya teng. Medimo ya diseto yotlhe ya teng e tla thubaganngwa; dituelo tsotlhe tsa boaka tsa teng di tla fisiwa ka molelo; medimo yotlhe ya ditshwantsho ya teng ke tla e senya; gonne o di phuthile e le tuelo ya seaka, di tla ba di fetoga tuelo ya seaka gape.” Ka ntlha ya moo ke rata go hutsafala le go lela, ke rata go tsamaya, dinao di sa rwesiwa, ke sa apara; ke rata go lela jaaka diphokojwe le go hutsafala jaaka bontlokwe. Gonne dintho tsa teng tsa kotlo ya Morena ga di na go fola, ka di fetetse kwa Juta, di fitlhile kwa kgorong ya morafe wa ga etsho, kwa Jerusalema. Se itsiseng kwa Gathe, se leleng mo Ako, ipidikanyeng mo loroleng kwa Bethe-Leafera. Hudugang, lona baagi ba Safire, lo le bosaikatega jo bo tlhabisang ditlhong! Baagi ba Saanane ga ba tswe. Khutsafalo e mo Bethetshele: Mmaba o ikemisa go simolola kwa go lona. Ruri, baagi ba Marothe ba lelela tse di monate; gonne tatlhego e fologile mo Moreneng, ya fitlha kwa dikgorong tsa Jerusalema. Baagi ba Lagiše, golegelang dipitse tse di lobelo mo koloing! Motse o, o simolotse go leofisa morwadia Sione; gonne go fitlhetswe ditiro tsa boikepo tsa Iseraele mo go lona. Ka moo o na le go ntshetsa Morešethe-Gathe lokwalo lwa tlhalo. Matlo a Agesibe a tla aketsa dikgosi tsa Iseraele. Baagi ba Mareša, ke tla ba ke fitlhisa mothopi kwa go lona. Ba ba tlotlegang mo go Iseraele ba tla fitlha kwa Adulame. Ipeole o itire lefatla ka ntlha ya bana ba ba go natefelang; atlhamolosa lefatla la gago jaaka la lenong, gonne ba tlositswe mo go wena e le batshwarwi. A tatlhego ya bone wee, ba ba akanyang tsa bokgopo, ba ba logang maano a a bosula mo malaong a bone; e re bosigo bo sa, ba bo dire ka thata e le mo diatleng tsa bone. Fa ba eletsa masimo, ba a thukhutha, gongwe matlo, ba a a tsaya; ba gatelela monna le ntlo ya gagwe, ee, monna le boswa jwa gagwe. Ke ka moo Morena a buang jaana a re: “Bonang, ke akanyetsa losika lo tatlhego e lo sa ka keng lwa somola melala ya lone mo go yona. Ga lo ka ke lwa tlhola lo tsamaya lo inamologile, ka e tla bo e le sebaka se se bosula. Ka letsatsi leo ba tla tlhaba sefela sa tshotlo ka ga lona, ba opela sefela sa khutsafalo ba re: “ ‘Go dirafetse, re gateletswe ruri. Kabelo ya morafe wa me Modimo o dira ba bangwe beng ba yona. O e tlosa jang mo go nna! O abela baikepi masimo a rona.’ ” Ka moo ò tla bo o se na ope mo phuthegong ya Morena yo o go lekanyetsang boswa ka mogala. Ba rera ba re: “Lo se ka lwa rera! Mafoko a, ga a tshwanela go rerwa; kgobo ga e na go re wela. Ba ntlo ya Jakobe, a go ka bodiwa ga twe: ‘A Morena o fedile pelo? Gongwe a ke tsona ditiro tsa gagwe!’ ” – “A ga ke re, mafoko a gagwe a bopelonomi mo go yo o tsamayang ka tshiamo? “Mme morafe wa me o tsogile jaaka mmaba e sa le maabane; gonne ba ba iphetelang ba iketlile, ba se na sepe le ntwa, lo ba rutlile kobo mo diaparong. Basadi ba morafe wa me lo ba lelekile mo malapeng a ba a ratang; mokgabo o ke o fileng bana ba bone lo o ba amogile ka bosakhutleng. Lo re: ‘Tlogang lo tsamae, gonne fano ga go na boikhutso!’ Ka ntlha ya boitshekologo lo tla nyelediwa ka nyelelo e e sa foleng. Fa monna a ka latela phefo, a tsietsa, a aka a re: ‘Ke tla go rerela go nwa weine le bojalwa’ – e ka nna ene moreredi wa morafe o. “Ruri, ke tla phutha ba ga eno botlhe, Jakobe; ruri, ke tla kgobokanya masalela a Iseraele; ke ba kopanya jaaka dinku di tlhatlhelwa mo lesakeng, jaaka motlhape mo gare ga mafulo a ona. Go tla utlwala modumo wa bontsi jwa batho.” Mmetla-tsela o tla bolola, a ba etelela pele; ba tla sutlha, ba tsena ka kgoro, ba tswa ka yona. Mme Kgosi ya bone e tla ba etelela pele, mme Morena a le tlhogo ya bone. Ke ne ka re: “A ko lo utlweng, lona ditlhogo tsa Jakobe le lona dikgosana tsa Baiseraele! A ga lo a tshwanela go itse tshiamo? Lona ba lo ilang tse di molemo, lo ratang tse di bosula; ba lo buang batho letlalo, lo gagolang nama ya bone mo marapong; lona ba lo jeleng nama ya morafe wa me, lo ba apotse letlalo; lo ba robile marapo, lo a kgabetletse jaaka e kete a lokelwa mo pitseng, le jaaka nama fa e lokelwa mo pitseng.” Ka sebaka se sengwe ba tla goela kwa Moreneng, mme ga a nke a ba utlwa; o tla ba subela sefatlhego ka sebaka seo, gonne ba dirile ditiro tse di bosula. “Baporofeti ba ba timetsang morafe wa me, ba e a reng ba fiwa dijo, ba rere kagiso; mme yo o sa lokeleng sepe mo maganong a bone, ba mo tsosetsa ntwa e e boitshepo,” Morena o bua jaana ka ga bona a re: “Ka moo bosigo bo tla lo wela jo bo se nang pono le lefifi le le se nang boitseanape. Letsatsi le tla phirimela baporofeti, motshegare o tla nna montsho fela mo go bone.” Baboni ba tla tlhajwa ke ditlhong, baitseanape ba tlhabiwa ke kgala. Ba tla itshwara ditedu botlhe, gonne ga go na karabo epe ya Modimo. Mme nna ke tletse thata le Mowa wa Morena; ke tletse tshiamo le bopelokgale gore ke bolelele Jakobe tlolo ya gagwe le Iseraele boleo jwa gagwe. A ko lo utlwe fa, lona ditlhogo tsa ntlo ya Jakobe, le lona dikgosana tsa Baiseraele, ba lo tenwang ke tshiamo, ba lo sokamisang tsotlhe tse di siameng! Ke lona ba lo agang Sione ka go tsholola madi le Jerusalema ka tshiamololo. Ditlhogo tsa teng di atlhola ka ntlha ya thelesetso; baperesiti ba ruta ka ntlha ya tuelo; baporofeti ba teng ba bolela tsa boitseanape ka ntlha ya selefera. Mme ba ntse ba re ba ikanya Morena ba re: “Morena a ga a mo gare ga rona? Ga go na kotsi e e ka re welang.” Ka moo Sione o tla lengwa jaaka tshimo ka ntlha ya lona; Jerusalema o tla fetoga marope; thaba ya tempele e tla nna thota ya sekgwa fela. E tla re mo malatsing a bofelo, thaba ya Ntlo ya Morena e bo e tlhomame, e okame dithaba, e godisitswe kwa godimo ga dithabana; mme merafe e tla phuthegela kwa go yona. Ditšhaba tse dintsi di tla tloga di re: “Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya Morena, kwa Ntlong ya Modimo wa ga Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa mo Sione, Lefoko la Morena le tswa kwa Jerusalema.” Mme o tla atlhola mo gare ga merafe e mentsi, a siamisetsa ditšhaba tse di thata go ya go fitlha kwa kgakala. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone megoma, ba fetola marumo a bone disekele. Setšhaba ga se nke se somola tšhaka go tlhabana le setšhaba se sengwe; ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tsa tlhabano. Mongwe le mongwe o tla nna fa tlase ga setlhare sa moweine sa gagwe le fa tlase ga setlhare sa feie sa gagwe, go se yo o tshosang; gonne molomo wa Morena wa masomosomo o buile jalo. Gonne morafe mongwe le mongwe o sepela mo leineng la modimo wa ona, mme rona re tla sepela mo leineng la Morena, Modimo wa rona, ka gale le ka bosakhutleng. Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla phutha ba ba tlhotsang, ke kgobokanya ba ba lelekilweng le ba ke ba diretseng kotlo. Ba ba tlhotsang ke tla ba dira masalela; ba ba katoseditsweng kwa kgakala ke ba dira setšhaba se se thata. Mme Morena e tla nna kgosi ya bone mo thabeng ya Sione go tloga jaanong go ya bosakhutleng.” Mme wena sefata sa letsomane, wena thabana ya morwadia Sione, puso ele ya pele e tla fitlha mo go wena, e boela mo go wena, e leng bogosi jwa morwadia Jerusalema. Jaanong o goelang thata? Kgosi a ga e na nao? Gongwe a mogakolodi wa gago o nyeletse, mo e bileng o tshwerwe ke matlhoko jaaka mosadi yo o belegang? Segwa ke leralalo, morwadia Sione, jaaka mosadi yo o belegang. Gonne jaanong o tla tswa mo motseng, o nna mo nageng, o fitlha kwa Babele. Teng koo o tla pholosiwa; teng kwa Morena o tla go golola mo mabogong a baba ba gago. Morago ga moo ditšhaba tse dintsi di tla phuthega, di go tsogela di re: “A Sione a itshepololwe gore matlho a rona a mo lebe ka kgatlhego.” Mme bone ga ba itse megopolo ya Morena, ga ba lemoge maikaelelo a gagwe a gore o ba kgobokanya jaaka dingata tsa mabele mo seboaneng. “Tsoga o phothe, morwadia Sione! Gonne ke tla go direla dinaka tsa tshipi le ditlhako tsa kgotlho, mme o tla pšhwetlakanya merafe e mentsi, o fisetsa Morena papadi ya bone ya tshiamololo, Morena wa lefatshe lotlhe o mo fisetsa khumo ya bone.” Mme jaanong o tla pitlagana, morwadia makoko a ntwa. Mmaba o re dikanyeditse ka go kgobela mmu. Ba tla itaya moatlhodi wa Iseraele ka thupa mo lesameng. “Wena Betleheme-Eferatha, o mmotlana mo metseng ya Juta, mme yo o tla nnang mmusi mo Iseraeleng o tla ntswela mo go wena; mme matso a gagwe a tswa mo metlheng ya bogologolo le mo malatsing a a se nang tshimologo.” Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng. Mme o tla ema, a ba fudisa ka thata ya Morena le ka bogolo jwa leina la Morena, Modimo wa gagwe; mme ba tla nna mo kagisong; gonne jaanong o tla nna mogolo go fitlha mafelelong a lefatshe. Mme ene yo, o tla nna kagiso ya rona. Fa Asiria a re, o tla mo lefatsheng la rona, o tsena mo matlong a borena a rona, re tla baya badisa ba supa le dikgosana tse di le robedi tsa batho go lwa nabo. Bone ba tla senya lefatshe la Asiria ka tšhaka le lefatshe la ga Nimerote mo dikgorong tsa lone. O tla re golola mo go Baasiria, fa ba tla mo lefatsheng la rona; fa ba tsena mo teng ga molelwane wa rona. Mme masalela a Jakobe a tla nna mo merafeng e megolo jaaka monyo o o tswang mo Moreneng le jaaka mookodi wa pula mo dijwalong o o sa leteng ope, o o sa lebeleleng batho. Le gona masalela a Jakobe a a mo ditšhabeng a tla nna mo merafeng e megolo jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa le jaaka tawana mo matsomaneng a dinku; e e a reng e ralala, e gatake, e garole, go se yo o pholosang. Letsogo la gago le tla fenya baganetsi ba gago; baba botlhe ba gago ba tla nyelediwa. Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla nyeletsa dipitse tsa gago mo go wena; ke fedisa dikoloi tsa gago tsa ntwa. Le gona ke tla nyeletsa metse e e femetsweng ya lefatshe la gago; ke rutla dikago tsotlhe tsa gago tsa phemelo. Ke tla nyeletsa mereo ya boloi gore e tloge mo seatleng sa gago; ga o kitla o nna le baroka. Ke tla nyeletsa medimo ya diseto ya gago le majwe a a motloutlo a kobamelo a gago gore di tlosiwe mo gare ga lona, mme ga o ka ke wa tlhola o obamela tiro ya diatla tsa gago. Ke tla kumola medimako ya gago ya Ašera gore e tlosiwe mo gare ga gago; ke tla senya metse ya gago e e femetsweng. Ke tla ipusolosetsa ka bogale le ka kgalefo mo ditšhabeng tse di ganang go utlwa.” A ko lo utlwe se Morena a se buang: Nanoga ò seke fa pele ga dithaba; a dithabana di reetse kodu ya gago! Lona dithaba, utlwang kgang ya Morena, le lona metheo ya lefatshe e e sa fetogeng; gonne Morena o na le tsheko le morafe wa gagwe; o tla sekisanya le Iseraele. “Wena morafe wa me, ke go dirile eng? Ke go lapisitse ka eng? Supa ka ga me! Kana ke go ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka go rekolola mo ntlong ya botlhanka; ka roma Moše le Arone le Miriame gore ba go etelele pele! Morafe wa me, a ko ò gakologelwe se Balake, kgosi ya Moabe, o neng a se ikaeletse le se Bileame, morwa Beore, o se mo arabileng le se se dirafetseng go tswa kwa Sitime go fitlha kwa Gilegala gore lo tle lo itse ditiro tse di siameng tsa Morena.” Ke tla kgatlhantsha Morena ka eng? Ke tla ikoba jang fa pele ga Modimo wa bogodimo? A nka mo kgatlhantsha ka ditlhabelo tsa phiso, ka dinamane tsa ngwaga? A Morena o tla kgatlhwa ke diphelehu di le dikete gongwe dinoka tsa lookwane di le dikete tse? A nka ntsha morwaake yo mogolo ka ntlha ya tlolo ya me? Gongwe leungo la mmele wa me ka ntlha ya boleo jwa mowa wa me? Wena motho, Morena o go itsisitse tse di leng molemo le tse a di batlang mo go wena: O batla gore ò dire tse di siameng, ò rate bopelotlhomogi, o tsamaya le Modimo wa gago ka boikokobetso! Utlwang! Morena o tlhabela motse mokgosi! – Ke botlhale go boifa leina la gago. – Utlwang, lotso le phuthego ya motse. “A nka lebala ntlo ya moikepi e e kgobokanyang mahumo a tshiamololo le selekanyo sa tsietso se se hutsitsweng? Yo o nang le sekale se se tsietsang le ditshipi tse di lekanyang tse e seng tsona mo kgetsaneng, a nka mo kaya yo o phepa? E re ka bahumi ba motse ba tletse kgatelelo, baagi ba ona ba bua maaka, ba na le diteme tsa bolotsana mo maganong a bona, le nna ke tla go itaya botlhoko, ke go fetola sekaka ka ntlha ya maleo a gago. Wena ò tla ja, mme ò sa kgore; tlala ya gago e ntse e le mo teng ga gago. O tla ipeela, mme ò sa boloke sepe, mme tse ò di bolokang ke tla di neela tšhaka. Wena ò tla jwala, mme ò sa robe; ò gata maungo a olefa segatelong, mme ò sa tlole lookwane; ò tlhotlha maungo a moweine, mme ò sa nwe weine. Gonne melao ya ga Omeri e a tshegediwa, le ditiro tsotlhe tsa ntlo ya ga Ahabe; lo sepela ka fa dikgakololong tsa bone gore ke tle ke go dire sekaka se se tshosang, le baagi ba sona ke ba dire tshotlego; lo tla rwala kgobo ya morafe wa me.” Joo nna wee, ke latlhegile! Ke tshwana le yo o selang maronopo a moweine morago ga phulo ya maungo a selemo, mme go se lesitlha le le ka jewang. Mowa wa me o eletsa difeie tse di butswang pele. Baboifi-Modimo ba fedile mo lefatsheng. Ga go na ope wa nnete mo bathong. Ba lalela madi botlhe, ba thaisanya ka letloa. Diatla tsa bone di maatlametlo go dira bosula. Se kgosana e se lopang moatlhodi o se bua ka ntlha ya tuelo. Fa motho yo mogolo a bolela se mowa wa gagwe o se eletsang, baatlhodi ba se dirafatsa ka go sokamisa mafoko. Yo o molemo bogolo o tshwana le setlhatshana se se mitlwa; yo o siameng o bosula bogolo go logora. Letsatsi le batlhodi ba gago ba le boleletseng pele la go go otla le e tla; foo ba tla tlhakana tlhogo. Lo se ka lwa dumela mongwe-ka-lona, lo se ka lwa ikanya motho wa ga lona; ò dise mafoko a molomo wa gago mo mosading yo o robetseng mo sehubeng sa gago! Gonne morwa-motho o nyatsa rraagwe; morwadia-motho o tsogela mmaagwe; ngwetsi o tsogela matsalaagwe, mme ba ntlo ya motho ke baba ba gagwe. Mme nna ke tla lebelela Morena; ke rata go leta Modimo wa thuso ya me. Modimo wa me o tla nkutlwa. O se ka wa intumelela, mmabagadi wa me! Gonne le fa ke ole, ke tla ba ke tsoga; le fa ke ntse mo lefifing, Morena ke lesedi la me. Ke leofetse Morena, mme ke tla itshokela bogale jwa gagwe go fitlhelela a nkemele tshekong ya me, a ntirele tse di ntshiametseng. O tla nntshetsa kwa leseding gore ke bone ditiro tse di siameng tsa gagwe ka boitumelo. Mmabagadi wa me o tla bona, a khurumediwa ke ditlhong, yo o ntseng a nthaya a re: “O kae, Morena, Modimo wa gago?” Matlho a me a tla mmona ka boitumelo. Jaanong o tla gatakwa jaaka seretse mo mebileng. Letsatsi la go aga dipota tsa gago le e tla; molelwane o tla bo o atlhame ka letsatsi leo. Ka letsatsi leo ba tla tla kwa go wena, ba tswa kwa Asiria le mo metseng ya Egepeto; ba tswa kwa Egepeto go fitlha nokeng ya Ferathe; ba tswa kwa lewatleng go fitlha kwa lewatleng le lengwe; ba tswa kwa thabeng go fitlha kwa thabeng e nngwe. Mme lefatshe le tla fetoga sekaka ka ntlha ya baagi ba lone, e le leungo la ditiro tsa bone. Disa morafe wa gago ka kgoge ya gago, e bong letsomane la boswa jwa gago, ba ba agileng ba le bosi mo dikgweng mo gare ga dinaga tse di pila; a ba fule kwa Basane le kwa Gileate jaaka mo metlheng ya bogologolo. Ke tla ba bontsha dikgakgamatso jaaka mo metlheng ele, fa lo tswa kwa lefatsheng la Egepeto. Ba ditšhaba ba tla bona, ba tlhoboga thata yotlhe ya bona; ba tla itshwara melomo, ba thibala ditsebe. Ba tla latswa lerole jaaka noga; ba tla tswa mo dikagong tsa phemelo tsa bone jaaka digagabi tsa lefatshe ka thoromo, ba tla kwa go Morena, Modimo wa rona, ba tshogile, mme ba tla go boifa. Ke mang yo e leng Modimo jaaka wena o o itshwarelang molato, o o iphapaanyang tlolo ya masalela a boswa jwa ona? Ga o nke o boloka bogale jwa ona ka bosakhutleng, gonne o natefelwa ke bopelotlhomogi. O tla boa o re tlhomogela pelo gape, o gataka maleo a rona; o tla latlhela dibe tsotlhe tsa rona mo botennye jwa lewatle. Ò tla direla Jakobe ka boammaaruri le Aborahame ka bopelotlhomogi jo ò bo ikanetseng borraetsho mo metlheng ya bogologolo. Polelelopele ya petso ka ga Ninife. Lokwalo lwa pono ya ga Nahume wa kwa Elekoše. Morena ke Modimo o o lefufa o o busolosang; Morena o a busolosa, ke ene Rrabogale-jo-bo-tukang. Morena o ipusolosetsa mo baganetsing ba gagwe; o bolokela baba ba gagwe bogale. Morena o pelotelele, mme o na le thata e kgolo; ruri, ga a leseletsa moleofi ope, a sa mmetse. Ke Morena yo tsela ya gagwe e leng mo phefong le mo ledimong, yo maru e leng dithole tsa dinao tsa gagwe. O kgalemela lewatle, a le tšhese, dinoka tsotlhe a di kgadise; Basane le Karemele di swabe, le sethunya sa Lebanone se swabe. Dithaba di roroma fa pele ga gagwe, dithabana di a gakologa; lefatshe le tshikinyega fa pele ga sefatlhego sa gagwe, ee, lefatshe le botlhe ba ba agileng mo go lone. Ke mang yo o ka emang fa pele ga kgakalo ya gagwe? Ke mang yo o ka phelang mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang? Kgalefo ya gagwe e tsholelwa jaaka molelo; mafika a phatloga fa pele ga gagwe. Morena ke yo o molemo, ke botshabelo mo letsatsing la tlalelo; o itse ba ba mo ikanyang. O tla nyeletsa felo ga teng ka morwalela wa metsi o o penologang, a ba a latelela baba ba gagwe kwa lefifing. Lo logile maano afe a go lwa le Morena? Ene o tla nyeletsa. Tlalelo ga e kitla e tla lwa bobedi. Le fa ba tshwana le mitlwa e e raraanyeng, le fa ba le metsi jaaka seno sa bona: Ba tla šwa gotlhe jaaka dirite tse di omeletseng. Mongwe o dule mo go wena Ninife, yo o neng a akantse bosula ka ga Morena, a loga maano a a senyang. Morena o bua jaana a re: “Le fa ba itekanetse, le fa e le ba bantsi jang, ba tla remiwa, ba nyelela fela jalo! Le fa ke ne ka go kokobetsa, ga nkitla ke tlhola ke go kokobetsa gape. Mme jaanong ke tla roba joko ya gagwe, ke e tlosa mo go wena; ke kgaola dikgole tse ò golegilweng ka tsona.” Mme Morena o tla laola ka ga gago gore go se ka ga tlhola go jwalwa leina la gago. “Ke tla nyeletsa setshwantsho sa modimo se se setilweng le se se bopilweng mo ntlong ya modimo wa gago; ke go epela lebitla, gonne ò fitlhetswe ò le botlhofo.” Bonang maoto a yo o bolelang tse di molemo mo dithabeng, yo o utlwatsang kagiso! Dira meletlo ya gago, Juta, dirafatsa maikano a gago; gonne mosenyi ga a kitla a tlhola a ralala naga ya gago gape; o nyeleditswe gotlhegotlhe. Go bolotse mophatlakanyi, a go tsogela, Ninife; disa dikago tsa phemelo, ò tlhole baba mo tseleng, ò tiise letheka la gago, ò thatafatse nonofo segolo. Gonne Morena o tla busa kgalalelo ya Jakobe le kgalalelo ya Iseraele; gonne dinokwane di ba thukhuthile, tsa senya dikala tsa meweine ya bone. Dithebe tsa bagale ba gagwe di hubiditswe, batlhabani ba apere bohibidu; tshipi ya dikoloi tsa ntwa e phatsima jaaka molelo ka letsatsi le o di baakanyang ka lone, mme marumo a a kgadikanngwa. Dikoloi di taboga ka lobelo lo logolo mo mekgwatheng, di fapaakana mo dipatlelong; di bonala jaaka dirumola, di taboga di boa jaaka dikgadima. E tla bitsa bagale ba yona, mme ba tla kgotšwa mo ditseleng tsa bone; ba itlhaganela ba ya kwa loboteng lwa motse, mme leobo la tlhaselo le setse le baakantswe. Dikgoro tsa dinoka di bulegile; ntlo ya borena e a nyelela. Mohumagadi Husabe o a apolwa, o a tlosiwa; malata a gagwe a lela jaaka maeba, a ithwala megono. Ninife o tshwana le letsha la metsi le metsi a lone a tshabang. Le fa go twe: “Emang tlhe, emang!” Ga go na ope yo o retologang. Thopang selefera, thopang gouta! Dithoto ga di fele. Go na le bontsi jwa mefutafuta jwa dilo tse di eletsegang. Ninife o thukhuthilwe, ga go na sepe, o ntshitswe sekaka. Ba nyemile moko, mangole a a tetesela, matheka otlhe a botlhoko; ba botlhe ba swabile difatlhego. Jaanong kutla ya ditau e kae? Bo kae bojelo jwa ditawana kwa tau e tona le e namagadi le tawana di neng di itsamaela teng go se yo o di tshosang? E kae tau e e neng e gagogela ditawana ka fa go lekanyeng ka teng, e bolaela ditau tse dinamagadi; e tlatsa dikutla tsa yona thopo, le marobalo a yona tse e di gagotseng? “Bona, ke tla go tsogela,” go bua Morena wa masomosomo. “Dikoloi tsa gago ke tla di fisa ka molelo, di nyelela mo musing. Tšhaka e tla ja ditawana tsa gago, ke tla khutlisa go thopa ga gago mo lefatsheng. Ga go nke go tlhola go utlwiwa lentswe la barongwi ba gago.” A tatlhego wee ya motse wa madi o o tletseng maaka le tshiamololo gotlhe, o o sa khutleng go thukhutha. Utlwa seme se thwantsha, utlwa modumo wa maotwana a dikoloi le dipitse tse di sianang, le dikoloi tse di kgothoselang! Bapalami ba matla ka dipitse, ditšhaka di phatsima jaaka molelo; marumo a bonala jaaka dikgadima! A bontsi jo bo bolailweng, ditoto di kana kang! Direpa ga di fele! Ba tla kgotšwa ke ditoto tsa bone. Ke ka ntlha ya boaka jo bogolo jwa seaka se sentle se se kgatlhisang, setswerere sa mereo ya boloi; se se tsieditseng ditšhaba ka boaka jwa sona le ditshika ka mereo ya boloi ya sona. “Bona, ke tla go otla,” go bua Morena wa masomosomo. “Ke tla tsholetsa mosese wa gago, ke go bipa sefatlhego ka ona, ke bontsha ditšhaba bosaikatega jwa gago le magosi ditlhong tsa gago. Ke tla tshela matlakala mo go wena, ke go tlotlolola, ke go dira selebo se se nyatsegang. Gore botlhe ba ba go bonang ba go tshabe ba re: ‘O nyeleditswe, motse wa Ninife! Ke mang yo o tla o utlwelang botlhoko?’ Ke tla go batlela kae bagomotsi?” A o a re, o feta motse wa No-Amone o o neng o le fa dinokeng, o na le metsi mo tikologong ya ona, o phemelo ya ona e leng lewatle, o tshireletso ya ona e leng metsi? Ethiopia e ne e le thata ya ona le Baegepeto ba ba se nang palo; Baphute le Balebia ba ne ba o thusa. Le fa go ntse jalo le ona wa tlosiwa, wa ya mo botshwarong. Bana ba ona le bone ba tšhwetlakanngwa mo makgatlhanong a mebila yotlhe; batlotlegi ba ona ba ba tlhamela tengwa, ba bagolo ba ona ba bofiwa ka dikeetane. Mme le wena ò tla tagwa, ò tlhakana tlhogo; le wena ò tla batla botshabelo gore ò tshabe mmaba. Metse yotlhe ya gago e e femetsweng e tshwana le ditlhare tsa feie tse di nang le mabutswapele; fa di tshikinngwa, a wele mo leganong la moji. Bona, morafe wa gago o o mo teng ga gago ke basadi fela; ruri, dikgoro tsa lefatshe la gago di bulegetse baba ba gago; molelo o jele diphemelo tsa gago. Ikgele metsi, gonne o tla dikelediwa ke baba. Tiisa dikago tsa phemelo tsa gago; tsena mo seretseng, ò se gatake, ò tsee sebopi sa diekana. Gona foo molelo o tla go jela teng, tšhaka e go nyeletsa, e go ja jaaka molome. Le fa o ka ntsifala jaaka molome le fa ò ka ntsifala jaaka segongwane, le fa ò ntsifaditse bareki ba gago bogolo go dinaledi tsa legodimo! – Boijane bo ne jwa tswa diphuka, jwa fofa jwa ya. Dikgosana tsa gago di tshwana le segongwane, balaodi ba gago ba tshwana le bontsi jwa tsie e e robetseng mo dikgoreng mo letsatsing le le maruru. E re letsatsi le tlhabile, e fofe e tloge, go sa itse ope kwa e ileng teng. Badisa ba gago ba robetse, kgosi ya Asiria; bagale ba gago ba itunna fela; morafe wa gago o phatlaladitswe mo dithabeng, go se yo o ba phuthang. Thubego ya gago ga e na go baakanngwa; ntho ya gago ke e e sa foleng. Botlhe ba ba utlwang kitsiso ka ga gago ba go opela diatla; gonne ke mang yo o neng a sa dirafalelwe ke bosula jo o bo dirileng ka metlha? Lefoko la Modimo le moporofeti Habakuke o le bonyeng. Morena, ke tla bitsa sebaka se se kana kang, mme ò sa utlwe? Ke goela kwa go wena ke re: “Kgatelelo!” mme ò sa thuse? O mpontshetsang boithamako, ò tlhokomologelang tapisego? Kgatelelo le pogiso di fa pele ga me, le kgang e teng, le ntwa e a tsoga. Ka ntlha ya moo molao o repile, tshiamo ga e bonale ka gope; gonne baikepi ba dikanyeditse mosiami; ke ka moo go tswang katlholo e e sokameng. “Lebang kwa ditšhabeng, lo ele tlhoko; gakgamalang lo tlhoke puo; gonne ke tla dira tiro mo malatsing a lona e lo se kitlang lo e dumela, le fa lo e bolelelwa. Gonne bonang, ke tla tsosa Bakalatea ba e leng setšhaba se se galakang, se se gaketseng, se se ralalang boatlhamo jwa lefatshe go thopa maago a e seng a sona; ke se se setlhogo, se se boitshegang; tshiamo ya sona le bogolo jwa sona di tswa mo go sona ka sosi. “Dipitse tsa sona di lobelo bogolo go dinkwe, di bofefo go feta diphiri tse di tlang ka lotlatlana. Bapalami ba sona ba thata ka dipitse, bapalami ba sona ba tswa kwa kgakala. Ba fofa jaaka lenong le akofela go ja. “Botlhe ba sona ba e tla go gatelela; difatlhego tsa bone di lebile kwa pele; se phutha batshwarwi jaaka motlhaba. Se tla sotla dikgosi, dikgosana ke setshego mo go sona; se tshega dikago tsotlhe tsa phemelo; se kgobela mmu fa go tsona, se di thopa. Morago ga tseo se tla feta jaaka phefo, se fetela pele, mme se wela mo molatong, sona se thata ya sona e leng modimo wa sona.” A ga se wena Morena go tloga bogologolo, Modimo wa me, Moitshepi wa me? Ga re nke re swa! Morena, ò se laoletse go re sekisa; wena Lefika, ò se tlhomamiseditse go re betsa. Wena ò matlho a a itshekileng mo go kalo, mo ò sa ka keng wa leba bosula, le e seng go bona tapisego! Ke ka ntlhaang, fa ò leseletsa balotsana; ò didimaletseng, fa moikepi a metsa yo o siameng bogolo go ene? A ò dira ka batho jaaka ka ditlhapi tsa lewatle le ka digagabi tse di se nang yo o di busang? Kana Mokalatea o ba ntsha botlhe ka kobe, o ba goga ka letloa la gagwe, o ba phutha ka sethaiso sa gagwe; ke ka moo a itumelang, a duduetsa. Ka ntlha ya moo o tlhabela letloa la gagwe ditlhabelo, o fisetsa sethaiso sa gagwe maswalo; gonne kabelo ya gagwe e mafura ka tsona, dijo tsa gagwe di letlotlo. A o tla tsholola tse di mo letloeng la gagwe ka ntlha ya moo, a bolaya ditšhaba ka metlha, a sa rekegele? Ke tla ema mo seraleng sa me, ke ikemisa mo loboteng, ke tlhole gore ke utlwe se o tla se buang le nna, le se o tla arabang ngongorego ya me ka sona. Mme Morena a mphetola a re: “Kwala pono, ò e gwae mo matlapeng gore motho a itse go buisa ditlhaka sentle a ntse a feta. Gonne pono e sa ntse e emetse sebaka se se laotsweng, mme e itlhaganelela kwa bofelong; ga e ka ke ya swabisa ope. E re fa e diega, ò e lete. Gonne e tla dirafala ka nnete, e sa thibelwe ke sepe. Bonang, mowa wa gagwe o gogomogile, ga o a tlhamalala mo go ene! Mme mosiami o tla phela ka tumelo ya gagwe.” Gape weine ke motsietsi; monna yo o ikgantshang ga a na boikhutso; o atlhamisitse legano jaaka felo ga baswi; o tshwana le loso, ga a kgore. O iphuthela ditšhaba tsotlhe, o ikgobokanyetsa merafe yotlhe. Botlhe ba, a ga ba kitla ba mo sotla ka mafoko le dipina le dinyoba ba re: “A tatlhego wee ya yo o ikhumisang ka tse e seng tsa gagwe! – Go fitlha leng? – yo o ikimetsang ka dipeelelo!” A ba ò ba gapetseng ga ba nke ba go tsogela ka tshoganyetso? A ga ba nke ba thanya go go pitlaganya gore ò nne thopo ya bone? E re ka wena ò thukhuthile ditšhaba tse dintsi, masalela otlhe a merafe a tla go thukhutha ka ntlha ya go tsholola madi a batho le ka ntlha ya go gatelela lefatshe le motse le botlhe ba ba agileng mo go ona. A tatlhego wee ya yo o bapalelang ntlo ya gagwe khumo ka tsietso gore a ikagele sentlhaga kwa godimo go ipoloka gore tatlhego e se mo wele. O logetse ntlo ya gago maano a ditlhong, ò re ò nyeletsa merafe e mentsi, ò ntse ò itshenyetsa bophelo ka wesi. Gonne letlapa le tla goa le le mo loboteng, mme kota e tla le araba e le mo ditlhomesong. A tatlhego wee ya yo o agang motse ka go tsholola madi, yo o thayang motse o o femetsweng ka tshiamololo. Bonang, a ga go tswe mo Moreneng wa masomosomo, fa merafe e itirela se se jewang ke molelo, fa ditšhaba di itapisetsa dilo tsa lefelafela? Gonne lefatshe le tla tlala kitso ya kgalalelo ya Morena jaaka metsi a khurumetsa lewatle. A tatlhego wee ya yo o nosang bangwe-ka-ene seno; a tlhakanya kgakalo ya gagwe le sona, le gona a ba tagisa gore a tle a bone bosaikatega jwa bone. Ò kgotshe nyatsego boemong jwa tlotlo. Nwaa le wena, ò ikapole! Senwelo se se mo letsogong le le jang la Morena se tla dikologela kwa go wena gore tlotlo ya gago e fetoge nyatsego. Gonne tshenyo e e dirilweng kwa Lebanone le tshenyo e e tshositseng diphologolo e tla go khurumetsa ka ntlha ya go tsholola madi a batho le ka ntlha ya go gatelela lefatshe le motse le botlhe ba ba agileng mo go ona. Setshwantsho se se setilweng se thusa eng, fa modiri wa sona a se betlile? Le setshwantsho se se bopilweng, se e leng moruti wa maaka, se thusa eng, fa modiri wa sona a se ikanya ka go dira medimo e e dimumu? A tatlhego wee ya yo o rayang kota a re: “Tsoga!” le letlapa le le semumu a re: “Thanya!” A lone le ka ruta motho? Bonang, lone le manegilwe gouta le selefera, mme ga go na mowa ope mo teng ga lone. Mme Morena o mo Tempeleng ya gagwe e e Boitshepo! – A go didimale lefatshe lotlhe fa pele ga gagwe! Thapelo ya ga Habakuke moporofeti, ka moopelo wa sefela sa selelo. Morena, ke utlwile pegelo ya gago, ka ba ka tshoga. Morena, dirafatsa tiro ya gago mo gare ga dinyaga, ò e itsise mo gare ga dinyaga. Mme mo bogaleng ò gakologelwe boutlwelo-botlhoko. Modimo o tla tswa kwa Themane, Moitshepi a tswa kwa thabeng ya Pharane. Sela. Kgalalelo ya ona e khurumeditse magodimo, lefatshe le tletse pako ya ona. Go tla nna phatsimo jaaka lesedi la letsatsi, marang a fa lotlhakoreng lwa ona; ke fa thata ya ona e fitlhilweng teng. Leroborobo le tla o etelela pele, letshoroma le o sala morago. Fa o ema, o roromisa lefatshe; fa o leba, o tsibosa ditšhaba; dithaba tse di sa khutleng di a phatlakanngwa, dithabana tsa bogologolo di a kokobela, tse e leng metsamao ya ona ya kgale. Ke bonye ditente tsa Kušane di le mo tlalelong, masela a ditente tsa lefatshe la Midiane a tetesela. Morena, a ò tuketse dinoka bogale? A ò galefetse dinoka? Gongwe a ò gakaletse lewatle, ka ò palame dipitse tsa gago le dikoloi tsa gago tsa phenyo? Bora jwa gago bo etleetsegile gotlhe. Kgwatlha ya gago ya metsu e tletse. Sela. O phatlola lefatshe gore le tswe dinoka. Fa dithaba di go bona, di a roroma. Morwalela o a feta. Lewatle le a duma, le tsholeletsa mabogo kwa godimo. Letsatsi le ngwedi di boela mo mannong a tsona. Go bonesa lesedi la metsu ya gago e e fofang; go phatsima logadima lwa lerumo la gago. O ralala lefatshe ò gaketse; ò photha ditšhaba ò le bogale. O bolotse go thusa morafe wa gago le go thusa Motlodiwa wa gago; o tšhwetlakanya tlhogo ya lapa la moikepi, ò mo apola go tloga dinaong go fitlha molaleng. Sela. O tlhaba tlhogo ya dikgosana tsa gagwe ka marumo a gagwe tse di tlhaselang go mphalatsa, tse di duduetsang jaaka e kete di rata go ja modidi fa a fitlhegileng teng. O gatile mo lewatleng ka dipitse tsa gago, mo phuthegelong ya metsi a mantsi. E rile ke utlwa jalo, teng ya me ya huduega, molomo wa me wa roroma ka ntlha ya modumo; go nyera ga ntsena mo marapong, ka tetesela fa ke emeng teng; gonne ke na le go iketlela letsatsi la tlalelo gore le tlele morafe o o re tlhaselang. Le fa setlhare sa feie se sa tlhoge, le fa go se maungo mo ditlhareng tsa moweine, le fa phulo ya setlhare sa olefa e swabisa, le fa masimo a sa ntshe dijo, le fa dinku di feleletse mo sakaneng, le fa go se dikgomo mo marakeng: Le fa go ntse jalo ke rata go dudueletsa Morena, ke rata go itumelela Modimo wa pholoso ya me. Modimo Morena ke thata ya me; o dira maoto a me jaaka a ditshephe; o ntsamaisa mo mafelong a a kwa godimo a me. Go kwaletswe moopedisi; ka diletso tsa me tsa ditlhale tsa mesifa. Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Sefanya, morwa Khuši, morwa Ketalea, morwa Amaria, morwa Hesekia, mo malatsing a go Josia, morwa Amone, kgosi ya Juta, le re: “Ke tla tlosa ke fedisa dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng,” go bua Morena. “Ke tla fedisa batho le dikgomo, ke fedisa dinonyane tsa loapi le ditlhapi tsa lewatle, le dikgopiso mmogo le baikepi; ke tla nyeletsa batho mo lefatsheng,” go bua Morena. “Ke tla otlolola letsogo go otla Juta le baagi botlhe ba Jerusalema; ke tla nyeletsa Baale gotlhegotlhe le leina la baperesiti ba medimo mmogo le baperesiti ba Modimo mo felong fano, le ba ba obamelang lesomo la masedi a legodimo ba le mo godimo ga matlo, le baobamedi ba ba ikanang ka Morena, e bile ba ikana ka Milekome fela jalo; le ba ba ikepang mo Moreneng le ba ba sa batleng Morena le ba ba se nang sepe nae.” Didimalang fa pele ga Morena Modimo, gonne letsatsi la Morena le gaufi; Morena o baakantse setlhabelo, a itshepisa balalediwi ba gagwe. “Mme e tla re mo letsatsing la setlhabelo sa Morena ke betse dikgosana le bomorwa kgosi le botlhe ba ba apereng diaparo tsa mafatshe a sele. Le gona ka letsatsi leo ke tla betsa botlhe ba ba tlolang serepodi, ba ba tlatsang matlo a barena ba bone kgatelelo le tsietso.” Morena a re: “E tla re ka letsatsi leo go utlwale go goa go tswa kwa Kgorong-ya-Ditlhapi, le selelo se tswa kwa Motseng-o-mošwa, le loratla lo logolo lo tswa kwa mebotong. Goang, lona baagi ba kwa lehudung; gonne go fedisiwa morafe otlhe wa barekisi, go nyelediwa botlhe ba ba tshotseng madi. “E tla re ka sebaka seo ke fukutse Jerusalema ka dipone, ke betse banna ba ba senyegileng pelo jaaka bojalwa jo bo sa tlhotlhwang, ba ba buang mo dipelong tsa bone ba re: ‘Morena ga a nke a dira molemo le e seng bosula.’ Khumo ya bone e tla thukhuthwa, matlo a bone a fetoga matlotla; ba tla aga matlo, mme ba sa nne mo go ona; ba tlhoma masimo a meweine, mme ba sa nwe weine ya ona.” Letsatsi le legolo la Morena le gaufi; le gaufi, le atamela ka pele thata; utlwa, ke letsatsi la Morena! Mogale ke yole, o goa ka bogalaka! Letsatsi leo ke letsatsi la kgalefo; ke letsatsi la tlalelo le pitlagano; ke letsatsi la tobekanyo le thubakanyo; ke letsatsi la lefifi le bontsho; ke letsatsi la maru le mouwane; ke letsatsi la modumo wa lonaka le mokgosi wa ntwa kgatlhanong le metse e e femetsweng le dirala tsa batlhodi tse di mo godimo ga dipota. “Ke tla tsenya batho mo tlalelong gore ba tsamae jaaka difofu, gonne ba leofetse Morena. Madi a bone a tla tshololwa jaaka lerole, le nama ya bone jaaka mantle.” Lefa e le selefera ya bone kgotsa gauta ya bone le tsona ga di nke di kgona go ba pholosa ka letsatsi la bogale jwa Morena, mme lefatshe lotlhe le tla jewa ke molelo wa lefufa la Gagwe, ruri O tla nyeletsa baagi ba lefatshe ka bonako. Ikakanyeng, lo kgobokaneng, lona setšhaba se se sa tlhajweng ke ditlhong, maikaelelo a Morena a ise a dirafale, lo ise lo nne jaaka moko o o gogolwang, bogale jo bo tukang jwa gagwe bo ise bo tle mo go lona, letsatsi la bogale jwa Morena le ise le tle mo go lona. Batlang Morena, lona lotlhe ba lo pelonolo ba lefatshe, ba lo dirileng ka fa tshiamong ya gagwe; batlang tshiamo, batlang boikokobetso; ka gongwe lo ka fitlhega ka letsatsi la bogale jwa Morena. Gonne Gasa o tla bo a tlogetswe, Ašekalone a ntshiwa sekaka, Ašetote ba tla mo leleka go le motshegare, Ekerone o tla kumolwa. A tatlhego wee ya ba ba agileng ntlheng ya lewatle, e leng setšhaba sa Bakerethi. Lefoko la Morena le tlhabana le lona. Wena Kanana, lefatshe la Bafelesita, ke tla go nyeletsa gore ò tlhoke moagi. Mme naga e e fa lewatleng e tla nna mafulo le didiba tsa badisa le maraka a difutshane. Naga eo e tla nna ya masalela a Bajuta, ba tla fudisa mo go yona, ba ya go robala mo matlong a Ašekalone mantsiboa; gonne Morena, Modimo wa bone, o tla ba lekola, a ba busa mo tatlhegong ya bone. “Ke utlwile kgobo ya Bamoabe le dikgalo tsa Baamone tse ba kgobileng morafe wa me ka tsona, ba ntse ba ikgodisetsa naga ya ona. Ka ntlha ya moo, ka bophelo jwa me!” go bua Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re: “Ruri, Moabe o tla nna jaaka Sotoma, le Baamone jaaka Gomora, le jaaka naga fa go leng bogopa le meepo ya letswai le sekaka ka bosakhutleng. Ba ba setseng ba morafe wa me ba tla ba thukhutha, masalela a setšhaba sa ka a tla ba rua.” Tseo di tla ba dirafalela boemong jwa boikgodiso jwa bone, ka ba kgobile morafe wa Morena wa masomosomo, ba o ikgodisetsa. Morena e tla nna yo o boitshegang mo go bone, gonne o tla nyeletsa medimo yotlhe ya lefatshe gore ditlhakatlhake tsotlhe tsa ditšhaba di mo obamele, mongwe le mongwe mo felong ga gagwe. “Le lona Baethiopia lo tla rengwa ka tšhaka ya me.” O tla otlololela letsogo kwa bokone, a nyeletsa Asiria, a dira motse wa Ninife marope a sekaka se se senya. Matlhape a tla botha mo gare ga ona, e bong a diphologolo tsa mefutafuta tse di ditlhophatlhopha. Sefudi le tlhong di tla robala mo gare ga ditlhogo tsa maotwana a ona. Utlwa, dinonyane di letsa melodi mo fenstereng, lehakabe le lela mo serepoding, gonne dipati tsa mesetere di tlositswe mo thulelong. Ke ona motse o o neng o itaola mo tlhapelong, o o neng o agile mo phemelong, mme o ithaya mo pelong o re: “Ke nna! Ga go ope kwa ntle ga me.” O fetogile jang sekaka le marobalo a diphologolo! Botlhe ba ba fetang fa go ona ba tla letsa melodi, ba supa letshogo ka diatla. A tatlhego wee ya motse wa pheretlhego o o tletseng maswe, o o gatelelang! Ga o utlwe lentswe la ope, ga o amogele kgalemelo, ga o ikanye Morena, ga o atamele Modimo wa ona. Dikgosana tsa ona tse di mo teng ga ona ke ditau tse di dumang; baatlhodi ba ona ke diphiri tse di tlang ka lotlatlana, tse di sa ipeeleng sepe sa letsatsi la ka moso. Baporofeti ba ona ke difafalele fela; ke banna ba bolotsana; baperesiti ba ona ba itshepolotse Felo-fa-go-Boitshepo, ba sokamisa molao. Morena o siame mo teng ga ona, ga a dire tshiamololo. O ntshetsa tshiamo ya gagwe mo leseding mo mosong mongwe le mongwe, e sa tlhokafale, mme mosiamolodi ga a itse ditlhong. “Ke nyeleditse ditšhaba, dikago tsa tsone tsa phemelo di sentswe; ka dira mekgwatha ya tsona mafelo a bodutu fa go sa tsamaeng ope; metse ya tsona e fetotswe matlotla a a se nang ope, a a se nang monni. Ke buile ka re: ‘Ruri, o tla mpoifa, o amogela kgalemelo, matlho a ona a sa timelelwe ke tsotlhe tse ke di o laetseng’ – mme ruri, ba tlhoafaletse go senya ditiro tsotlhe tsa bone.” Morena a re: “Ka ntlha ya moo nteteng go fitlha letsatsing le ke tla tsogelang thopo ka lone; gonne katlholo ya me ke go phutha ditšhaba gore ke kgobokanye magosi go goromeletsa kgalefo ya me mo go tsona le bogale jwa me jotlhe jo bo tukang; gonne lefatshe lotlhe le tla jewa ke molelo wa lefufa la me. “Gonne foo ke tla naya merafe melomo e e itshekileng gore ba bitse leina la Morena botlhe, ba mo direle ka go goga mmogo. Barapedi ba phuthego ya me e e phatlaletseng ba tla ntlisetsa tshupelo, ba tswa kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia. Ka letsatsi leo ga o nke o tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa gago tse o nteofetseng ka tsona; gonne foo ke tla bo ke tlositse ba ga eno ba ba duduetsang ka boikgantsho mo go wena gore o se ka wa tlhola o ikgodisa mo thabeng e e boitshepo ya me. Ke tla sadisa morafe o o patikegileng, o o tlhomolang pelo mo go wena; bone ba tla ikanya leina la Morena. Masalela a Iseraele ga a nke a dira tshiamololo le e seng go bua maaka; loleme lo lo tsietsang ga lo nke lo fitlhelwa mo melomong ya bone; ee, bone ba tla ja ba robala, go se yo a ba tshosang.” Ipele, morwadia Sione, opang mokgosi, lona Baiseraele; itumele o duduetse ka pelo yotlhe, morwadia Jerusalema! Morena o tlositse dipetso tsa gago, a leleka mmaba wa gago; kgosi ya Iseraele, e leng Morena, o na nao; ga o nke o tlhola o bona bosula bope. Ka letsatsi leo go tla tewa Jerusalema go twe: “Se boife! Sione, a diatla tsa gago di se ka tsa repa! Morena, Modimo wa gago, o na nao, ke seganka se se pholosang; o tla go thabela ka boitumelo, a ritibala mo loratong lwa gagwe; o tla go tlhabela mokgosi wa tuduetso.” “Ke tla phutha ba ba hutsafetseng, ka ba le kgakala le moletlo; gonne ke ba ga eno; ba rwala morwalo wa nyatsego o o bokete. Bonang, botlhe ba ba go bogisang ke tla ba otla ka sebaka seo; ke tla thusa ba ba tlhotsang, ke phutha ba ba lelekilweng, ke ba dira ba ba tlotlwang, ke tumisa leina la bone mo lefatsheng lengwe le lengwe le ba neng ba nyatsega mo go lone. Ka sebaka seo ke tla lo tlisa, ee, ka sebaka se ke tla lo phuthang ka sona. Gonne ke tla lo dira tumiso le pako mo merafeng yotlhe ya lefatshe, fa ke busetsa batshwarwi ba lona kwa gae fa pele ga matlho a lona,” go bua Morena. E rile ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, mo kgweding ya borataro, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, Lefoko la Morena la tla kwa go Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, ka moporofeti Hakai, la re: Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Morafe o ke ba ba reng: ‘Sebaka ga se ise se tle, sebaka sa go tsosa Ntlo ya Morena.’ ” Mme Lefoko la Morena la tla ka moporofeti Hakai, la re: “A ke sebaka mo go lona go nna mo matlong a a kgabisitsweng ka dipati, mme Ntlo e, yona e ntse e le lesope fela?” Ke ka moo Morena wa masomosomo a buang jaana a re: “Akanyang tlhe tse di lo dirafaletseng: Lo jwetse thata, mme lwa kotula go le gonnye fela; lwa ja, mme lo sa kgore; lwa nwa, mme lo sa nyorologe; lwa apara, mme lo sa thuthafale; yo o neng a sebeletsa tuelo a e lokela mo kgetsaneng e e dutlang.” Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Akanyang tlhe tse di lo dirafaletseng! Palamang mo thabeng, lo tlise dikgong, lo age Tempele; foo go tla nkgatlha, mme ke tla galalediwa,” go bua Morena. “Lo ne lo solofetse go bona tse dintsi, mme bonang, ke tse dinnyane fela; lo ne lo di tlisitse mo gae, ka di budula. Ke ka ntlhaang?” go botsa Morena wa masomosomo. “Ke ka ntlha ya Ntlo ya me e e ntseng e thubakantswe, mme mongwe le mongwe wa lona o tlhokometse ntlo ya gagwe. Ke ka moo legodimo godimo ga lona le ganneng ka monyo, lefatshe la gana ka leungo la lone. Mme ke biditse komelelo, ka e tlisa mo lefatsheng le mo dithabeng le mo mabeleng le mo matuteng a moweine le mo lookwaneng le mo go tsotlhe tse lefatshe le di tlhogisang; le mo bathong le mo dikgomong le mo ditirong tsotlhe tsa diatla.” Ke fa Serubabele, morwa Salathiele, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le masalela otlhe a morafe, ba utlwa, ba dirisa lentswe la Morena, Modimo wa bone, le mafoko a moporofeti Hakai, ka fa Morena, Modimo wa bone, a mo romileng ka teng, mme morafe wa boifa Morena. Ke fa Hakai, morongwi wa Morena, a bua le morafe ka taelo ya Morena a re: “Ke na le lona, go bua Morena.” Mme Morena a tsosa mowa wa ga Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le mowa wa ga Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le mewa ya masalela otlhe a morafe; ba tla ba dira tiro ya Ntlo ya Morena wa masomosomo, Modimo wa bone ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, ka kgwedi ya borataro, ka letsatsi la 24. Ka letsatsi la 21 la kgwedi ya bosupa, Lefoko la Morena la tla ka moporofeti Hakai la re: “A ko o ree Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le masalela a morafe, o re: ‘Go setse mang mo go lona yo o bonyeng Ntlo e mo kgalalelong ya yona ya pele? Mme lona, fa lo e bona, e ntse jang jaanong? A ga ke re, ga se ya sepe mo matlhong a lona? Mme jaanong, tia, wena Serubabele,’ go bua Morena, ‘o nne pelokgale, wena Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, lo gomotsege, morafe otlhe wa lefatshe,’ go bua Morena, ‘mme lo direng! Gonne ke na le lona,’ go bua Morena wa masomosomo. ‘Kgolagano e ke e dirileng le lona, fa lo tswa kwa Egepeto, e tlhomame, le Mowa wa me o ntse o le mo gare ga lona; se boifeng!’ Gonne Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Morago ga sebakanyana ke tla roromisa legodimo le lefatshe le lewatle le naga. Le gona ke tla roromisa ditšhaba tse tsotlhe, mme mahumo a a eletsegang a ditšhaba tsotlhe a tla tla; ke tla tlatsa Ntlo e kgalalelo,’ go bua Morena wa masomosomo. ‘Selefera ke ya me le gouta ke ya me,’ go bua Morena wa masomosomo. ‘Kgalalelo ya Ntlo e mo metlheng e e tlang e tla nna e kgolo bogolo go ya ya pele,’ go bua Morena wa masomosomo; ‘mme ke tla aba kagiso mo felong fa,’ go bua Morena wa masomosomo.” E rile ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, ka kgwedi ya borobongwe, ka letsatsi la 24, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Hakai la re: “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘A ko o botse baperesiti gore molao o a reng: E ka re fa monna a tshotse nama e e boitshepo ka moja wa kobo ya gagwe, mme a ama senkgwe gongwe dijo tse di apeilweng gongwe weine gongwe lookwane gongwe dijo tse dingwe le tse dingwe ka moja wa kobo ya gagwe: A di ka itshepa?’ ” Baperesiti ba araba ba re: “Nnyaya!” Hakai a boela a re: “Fa mongwe yo o itshekologileng ka setoto a ama dilo tse tsotlhe tse, a di ka itshekologa?” Baperesiti ba araba ba re: “Ee, di ka itshekologa.” Ke fa Hakai a fetola a re: “ ‘Morafe o, o ntse jalo; setšhaba se, se ntse jalo fa pele ga me,’ go bua Morena; ‘ditiro tsotlhe tsa diatla tsa bone di ntse jalo, le tse ba di supelang fale – di itshekologile! “ ‘Elang tlhoko jaanong go tloga kajeno go ya kwa pele: E rile lentswe le ise le tlhatlaganngwe godimo ga le lengwe mo Tempeleng ya Morena, ya re mo sebakeng sele motho a tla kwa mokoeng wa mabele a dielo di le 20, a fitlhela di le some fela; motho a tla kwa segatelong, a re o ya go ga dikgamelo di le 50, a fitlhela di le fela. Ke lo otlile ka phori le ka morodi le ka sefako go senya ditiro tsotlhe tsa diatla tsa lona, mme ga lo a ka lwa sokologela kwa go nna,’ go bua Morena. ‘A ko lo tlhokomele go tloga ka letsatsi leno go ya kwa pele, go tloga ka letsatsi la 24 la kgwedi ya borobongwe; go tloga ka letsatsi le motheo wa Tempele ya Morena o theilweng ka lone: Elang tlhoko! A peo e sa ntse e le mo sefaleng? A setlhare sa moweine le sa feie le sa garanata le sa olefa a ga di kitla di ungwa? Kana go tloga ka letsatsi leno ke tla tshegofatsa!’ ” Mme Lefoko la Morena la tla kwa go Hakai la bobedi ka letsatsi la 24 la kgwedi la re: “Bua le Serubabele, molaodi wa Juta, o re: ‘Ke tla roromisa legodimo le lefatshe. Ke tla diga ditulo tsa magosi, ke nyeletsa thata ya magosi a ditšhaba, ke menola dikoloi le bapalami ba tsona, mme go tla wa dipitse le bapalami ba tsona, mongwe le mongwe ka tšhaka ya yo mongwe.’ Morena wa masomosomo a re: ‘Ka letsatsi leo ke tla go tsaya, wena Serubabele, morwa Salathiele, motlhanka wa me,’ go bua Morena, ‘ke go dira palamonwana ya sekano ya me; gonne ke go itlhophetse,’ go bua Morena wa masomosomo.” Ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya borobedi, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, la re: “Morena o ne a galefetse borraeno thata. Jaanong o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Boelang kwa go nna,’ go bua Morena wa masomosomo, ‘foo ke tla boela kwa go lona,’ go bua Morena wa masomosomo. ‘Se tshwaneng le borraeno ba baporofeti ba pele ba neng ba ba rerela ba re: Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Boang tlhe mo ditseleng tsa lona tse di bosula le mo ditirong tsa lona tse di bosula, mme ga ba a ka ba utlwa, ga ba a ka ba ntheetsa,’ go bua Morena. ‘Borraeno ba kae? Le baporofeti a ba ka phela ka go sa feleng? Mme mafoko a me le melao ya me e ke e laetseng baporofeti, batlhanka ba me, a ga e a fitlhela borraeno? mo ba bileng ba sokologa ba re: Tse Morena o neng a ikaeletse go di re direla o di re diretse ka fa go siametseng ditsela tsa rona le ditiro tsa rona ka teng.’ ” E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya 11 – e bong kgwedi ya Sebate – ka letsatsi la 24, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, jaana: Ke ne ka bona pono bosigo, ka bona monna a palame pitse e khunou, a eme mo gare ga metlhakolane kwa tlase; fa morago ga gagwe go le dipitse tse dikhunou le tse dithokwa le tse ditshweu. Ka botsa ka re: “Ke bomang ba, Morena wa me?” Moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Ke tla go supetsa gore ke bomang.” Ke fa monna yole yo o emeng mo gare ga metlhakolane a araba a re: “Ke ba Morena o ba romileng go ralala lefatshe.” Mme bone ba raya moengele wa Morena yo o neng a eme mo gare ga metlhakolane ba re: “Re tswa go ralala lefatshe, ra fitlhela lefatshe lotlhe le ntse le iketlile, le le mo kagisong.” Ke fa moengele wa Morena a bua a re: “Morena wa masomosomo, e tla nna go fitlha leng o ntse o sa utlwele Jerusalema le metse ya Juta botlhoko e o ntseng o e galefetse dinyaga tse di 70 tse?” Mme Morena a araba moengele yo o buang le nna ka mafoko a a molemo, ka mafoko a a gomotsang. Ke fa moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Rera o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ke fufegetse Jerusalema le Sione ka lefufa le legolo. Ditšhaba tse di ikgantshang ke di galefetse ka bogale jo bogolo; gonne ke ne ke galefile go le gonnye fela, mme bone ba ne ba oketsa bosula.’ Ke ka moo Morena o buang jaana a re: ‘Ke boetse kwa Jerusalema ka kutlwelo-botlhoko; Ntlo ya me e tla agiwa teng, go bua Morena wa masomosomo, le mogala wa baagi o tla gagamadiwa godimo ga Jerusalema.’ “Le gona o rere o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Metse ya me e tla tlala tse di molemo gape. Morena o tla boa a gomotsa Sione, a itlhaolela Jerusalema gape.’ ” Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona dinaka di le nne. Ka raya moengele yo o buang le nna ka re: “Tseo ke eng?” A nthaya a re: “Ke dinaka tse di faladitseng Juta le Iseraele le Jerusalema.” Ke fa Morena a mpontsha bathudi ba le bane. Ka ba ka re: “Bao ba tlile go dirang?” Ene a re: “Ke tsona dinaka tse di faladitseng Juta, mo go seng ope yo o ka tsholetsang tlhogo, mme bao ba tsile go di tshosa le go digela dinaka tse e leng ditšhaba fa fatshe tse di neng di tsholeleditse lefatshe la Juta lonaka go le falatsa.” Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba; ka bona monna yo o tshotseng mogala o o lekanyang. Ka mo raya ka re: “O ya kae?” A nthaya a re: “Ke ya go lekanya motse wa Jerusalema go bona gore bophara jwa ona bo kana kang, le boleele jwa ona bo kana kang.” Ya re moengele yo o neng a bua le nna a tswela kwa ntle, moengele yo mongwe a bonala, a ya go mo kgatlhantsha, a mo raya a re: “Siana o ree lekau lele o re: ‘Jerusalema o tla tlala bontsi jwa batho le jwa dikgomo, o se na lobota. Mme nna ke tla nna lobota lwa molelo mo tikologong ya ona,’ go bua Morena; ‘ke tla nna kgalalelo ya ona.’ “Heelang! Heelang! Tshabang mo lefatsheng la bokone,” go bua Morena; “gonne ke lo falaleditse kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe,” go bua Morena. “Hela! Sione, tshaba o phologe, wena yo o agileng le morwadia Babele!” Morena wa masomosomo o nthomile kwa ditšhabeng tse di lo thukhuthileng go sala kgalalelo morago; – “gonne yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la gagwe” – o bua jaana a re: “Bonang, ke tla kgadikanya letsogo godimo ga bone, mme ba tla thopiwa ke bone ba e neng e le batlhanka ba bone; foo lo tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile. Duduetsa o itumele, morwadia Sione, gonne bona, ke e tla gore ke nne nao,” go bua Morena. “Ditšhaba tse dintsi di tla ineela Morena ka letsatsi leo; ba tla nna morafe wa me, mme ke tla nna nao. Foo o tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile kwa go wena. Morena o tla rua Juta, e nna boswa jwa gagwe mo nageng e e boitshepo, a itlhaolela Jerusalema gape.” A batho botlhe ba didimale fa pele ga Morena, gonne o tsogile mo boagong jo bo boitshepo jwa gagwe. Jaanong a mpontsha Jošua, moperesiti yo mogolo, a eme fa pele ga moengele wa Morena, le Satane a eme ka fa letsogong le le jang la gagwe go mmaya molato. Mme moengele wa Morena a raya Satane a re: “A Morena a go kgalemele, wena Satane! Ee, Morena yo o itlhophetseng Jerusalema a a go kgalemele! Yoo a ga se motswaiso o o swatotsweng mo molelong?” Mme Jošua a bo a apere diaparo tse di maswe a ntse a eme fa pele ga moengele, mme moengele a fetola, a raya ba ba emeng fa pele ga gagwe a re: “Mo apoleng diaparo tse di maswe!” A ba a mo raya a re: “Bona, ke tlositse molato wa gago mo go wena, ke go apesa diaparo tsa moletlo.” Mme ka re: “A ba mo rwese tlhoro ya boperesiti e e phepa mo tlhogong!” Ke fa ba mo rwesa tlhoro e e phepa me tlhogong, ba mo apesa diaparo, moengele wa Morena a ntse a eme gona. Mme moengele wa Morena a tiisetsa Jošua a re: “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Fa o sepela mo ditseleng tsa me, fa o boloka thulaganyo ya me, o tla nna mookamedi mo Ntlong ya me; le gona o tla disa malapa a me, mme ke tla go naya tetlelelo ya go ka tsamaya mo go bone ba ba emeng fa. A ko o utlwe, Jošua, moperesiti yo mogolo, wena le baperesiti ka wena ba ba ntseng fa pele ga gago; gonne bone ke banna ba sesupo se se gakgamatsang; gobane bonang, ke tla tlisa Letlhogela, motlhanka wa me. Ee, bonang lentswe le ke le beileng fa pele ga Jošua; mo lentsweng le le lengwe le go na le matlho a supa; bonang, ke tla gwaya mafoko mo go lone,’ go bua Morena wa masomosomo. ‘Ke tlosa molato wa lefatshe le ka letsatsi le le lengwe fela.’ Morena wa masomosomo o bua a re: ‘Ka letsatsi leo lo tla laletsanya fa tlase ga setlhare sa moweine le fa tlase ga setlhare sa feie.’ ” Jaanong moengele yo o neng a bua le nna a tla, a ntsosa jaaka motho a tsosiwa mo borokong jwa gagwe; a nthaya a re: “O bona eng?” Ka mo raya ka re: “Ke bona setlhomo sa lobone fale, ke sa gouta fela sotlhe, le sejana sa teng sa lookwane se le godimo ga sona, le dipone tse supa di le fa godimo ga sona, le ditlhaka tse supa tse di tshelang lookwane mo diponeng tse di fa godimo ga sona; gape ke bona ditlhare di le pedi tsa diolefa fa thoko ga sona, se sengwe ka fa ntlheng ya le le jang ya sejana, se sengwe ka fa go ya la molema.” Jaanong ka botsa moengele yo o buang le nna, ka mo raya ka re: “Dilo tse, di kaya eng, morena wa me?” Mme moengele yo o buang le nna, a nkaraba a re: “A ga o itse gore dilo tse, di kaya eng?” Ka re: “Nnyaya, morena wa me!” Ke fa a araba, a nthaya a re: “Lefoko le ke la Morena le le rayang Serubabele le re: ‘Ga se ka bonatla le e seng ka thata, mme ke ka Mowa wa me,’ go bua Morena wa masomosomo. ‘O mang, thaba e kgolo? O tla nna leboa fela fa pele ga Serubabele; mme ene o tla baya letlapa la bofelo go ntse go tlhajwa mokgosi o o reng: Tshegofatso, tshegofatso a e nne le lone!’ ” Mme Lefoko la Morena la ntlela la re: “Diatla tsa ga Serubabele di theile motheo wa Ntlo e, diatla tsa gagwe di tla ba di e fetsa; mme lo tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile kwano go lona. Gonne ke mang yo o ka nyatsang letsatsi la dilo tse dipotlana, etswe matlho a supa ale a Morena a a ralalang lefatshe lotlhe a itumela, fa a bona serophiso se le mo seatleng sa ga Serubabele?” Jaanong ka mmotsa ka re: “Ditlhare tse pedi tseo tsa diolefa di kaya eng, se se ka fa ntlheng ya le le jang ya setlhomo sa lobone le se se ka fa molemeng?” Ka mmotsa gape ka re: “Dikala tse pedi tsa olefa tse di bapileng le ditlhaka tse pedi tsa gouta tse di elang lookwane di kaya eng?” Mme a nkaraba a re: “A ga o itse gore dilo tse, di kaya eng?” Ka re: “Nnyaya, morena wa me!” A nthaya a re: “Tseo ke batlodiwa ba babedi ba ba emeng fa pele ga Morena wa lefatshe lotlhe.” Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona lokwalo lo lo potokilweng lo fofa. Mme a nthaya a re: “O bona eng?” Ka re: “Ke bona lokwalo lo lo potokilweng lo fofa; boleele jwa lone ke mabogo a le 20, bophara ke mabogo a le some.” A ba a nthaya a re: “Ke khutso e e tswelang mo lefatsheng lotlhe; gonne mongwe le mongwe yo o utswang o tla tlosiwa mono ka fa khutsong eo, le mongwe le mongwe yo o ikanang ka maaka o tla tlosiwa jalo mono. Morena wa masomosomo o bua a re: ‘Ke a lo ntsha gore lo tsene mo ntlong ya legodu le mo ntlong ya yo o ikanang ka leina la me ka maaka, lo be lo lale mo teng ga ntlo ya gagwe, lo e nyeletse ditlhomeso mmogo le dipotana.’ ” Jaanong moengele yo o buang le nna a nkatamela, a nthaya a re: “A ko o tsholetse matlho, o bone se se tswang fale.” Nna ka re: “Ke eng?” A araba a re: “Se se tswang fale ke tsaga;” a ba a re: “Ke yona tshiamololo ya bone mo lefatsheng lotlhe.” Mme ya re sekhurumelo sa tshipi e e bokete se khurumololwa, ga bonala mosadi a ntse mo teng ga tsaga. Ke fa a re: “Ke jona boikepo;” a ba a mo latlhela gape mo teng ga tsaga, a ba a latlhela sekhurumelo sa tshipi e e bokete mo molomong wa yona. Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona basadi ba le babedi ba tlhaga, go le phefo mo diphukeng tsa bone; ba na le diphuka tse di tshwanang le diphuka tsa makololwane, ba tloga ka tsaga ba fofa fa gare ga lefatshe le legodimo. Ke fa ke raya moengele yo o buang le nna ke re: “Ba isa tsaga kwa kae?” A nkaraba a re: “Ba rata go mo agela ntlo mo lefatsheng la Sineare; fa ba sena go e fetsa, o tla tsenngwa teng mo bonnong jwa gagwe.” Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona dikoloi tsa ntwa di le nne, di tswa fa gare ga dithaba di le pedi, mme dithaba ya bo e le tsa kgotlho. Koloi ya ntlha e ne e gogwa ke dipitse tse dikhunou, koloi ya bobedi e gogwa ke dipitse tse dintsho, koloi ya boraro e gogwa ke dipitse tse ditshweu, koloi ya bone e gogwa ke dipitse tse dithamaga tse di thata. Ka botsa moengele yo o buang le nna ka re: “Tseo di kaya eng, morena wa me?” Moengele a nkaraba a re: “Ke diphefo tse nne tsa legodimo tse di bololang di sena go laelwa ke Morena wa lefatshe lotlhe.” Koloi ya dipitse tse dintsho ya bololela lefatshe la bokone; tse ditshweu tsa bolola tsa di sala morago; tse dithamaga tsa bololela lefatshe la borwa. Tse di thata tsa bolola tsa batla go ralala lefatshe. Ke fa a re: “Tsamayang lo ralale lefatshe.” Tsa ba tsa ralala lefatshe. Jaanong a nthaeletsa a re: “Bona, tse di bololelang lefatshe la bokone di fitlhisa Mowa wa me mo lefatsheng la bokone.” Ke fa Lefoko la Morena le ntlela le re: “Amogela mo go Heletai le mo go Tobia le mo go Jetaya tse di tswang mo batshwarwing, o tsamae kajeno, o tsene mo ntlong ya ga Josia, morwa Sefanya, kwa ba gorogetseng teng, ba tswa kwa Babele; o amogele selefera le gouta, o dire serwalo sa bogosi, o se rwese Jošua mo tlhogong, e leng moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, o mo ree o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Bona, go tla monna yo leina la gagwe e leng Letlhogela, o tla tlhoga mo bonnong jwa gagwe, a aga Tempele ya Morena. Ee, ene o tla aga Tempele ya Morena, Ene o tla bona tlotlego e kgolo, a nna mo sedulong sa gagwe sa bogosi, a busa; le gona o tla nna moperesiti a le mo sedulong sa gagwe sa bogosi, mme go tla nna kutlwano ya kagiso fa gare ga bogosi le boperesiti. Mme serwalo se tla nna mo Tempeleng ya Morena gore e nne segopotso sa ga Heletai le Tobia le Jetaya le sa bopelontle jwa morwa Sefanya.’ ” Mme ba ba kwa kgakala ba tla tla, ba lo thusa go aga Tempele ya Morena, mme lo tla itse gore, Morena wa masomosomo o nthomile mo go lona. Go tla dirafala jalo, fa lo utlwa lentswe la Morena, Modimo wa lona, ka tlhokomelo. E rile ka ngwaga wa bone wa kgosi Dario, ka kgwedi ya borobongwe e e bidiwang Khiselefe, ka letsatsi la bone, Lefoko la Morena la tlela Sagaria. Ba Bethele ba ne ba romile Saresere le Regeme-Melege le banna ba gagwe go lopa bopelotlhomogi mo Moreneng, le go botsa baperesiti ba Ntlo ya Morena wa masomosomo le baporofeti go re: “A re na le go lela mo kgweding ya botlhano le go ilela jaaka re setse re dirile ka dinyaga tse dintsintsi?” Ke fa Lefoko la Morena wa masomosomo le ntlela le re: “Raya morafe otlhe wa lefatshe le baperesiti o re: ‘A e rile fa lo ilela, lo hutsafala mo kgweding ya botlhano le ya bosupa ka dinyaga tse di 70, lwa bo lo ilela ka ntlha ya me? Mme fa lo ja, fa lo nwa, a ga se lona ba lo jang, a ga se lona ba lo nwang?’ ” A ga se mafoko a Morena o a begileng ka baporofeti ba pele, jale fa Jerusalema a sa ntse a tletse batho, a bile a le mo kagisong mmogo le metse e e mo tikologong ya gagwe, fa naga ya borwa le e e kwa tlase e sa ntse e na le batho? Mme Lefoko la Morena la tlela Sagaria la re: “Morena wa masomosomo o buile jaana a re: ‘Atlholang ka katlholo ya tshiamo, lo direlane ka lorato le kutlwelo-botlhoko. Lo se ka lwa gatelela motlholagadi gongwe khutsana gongwe moeng gongwe mohumanegi; lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona.’ “Mme ba ganne go reetsa, ba gagamatsa melala, ba ithiba ditsebe gore ba se ka ba utlwa. Ba thatafaditse dipelo tsa bone jaaka taemane gore ba se ka ba utlwa molao le mafoko a Morena wa masomosomo o a ba rometseng ka Mowa wa gagwe ka baporofeti ba pele. Ke ka moo go duleng bogale jo bogolo mo go Morena wa masomosomo. Mme go dirafetse jaana: E rile fa Morena a ba bitsa, ba gana go mo utlwa; le nna e rile ba mpitsa, ka gana go ba utlwa,” go buile Morena wa masomosomo. “Mme ka ba falaletsa kwa ditšhabeng tsotlhe tse ba neng ba sa di itse jaaka ka ledimo, lefatshe la sala le fetotswe sekaka kwa morago ga bona, go se yo o tsamayang le yo o boang. Lefatshe le lentlentle ba le fetotse sekaka ka go dira jalo.” Mme Lefoko la Morena wa masomosomo la tla la re: “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Ke fufegetse Sione ka lefufa le legolo; ke mo emetse ka kgalefo e kgolo.’ Morena o bua jaana a re: ‘Ke boela kwa Sione, ke tla aga mo gare ga Jerusalema, mme Jerusalema o tla bidiwa motse wa boammaaruri, thaba ya Morena wa masomosomo e bidiwa thaba e e boitshepo.’ Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Banna bagolo le basadi bagolo ba tla nna gape mo dipatlelong tsa Jerusalema, mongwe le mongwe a tshotse seikokotlelo ka seatla ka ntlha ya bontsi jwa malatsi a gagwe. Le gona dipatlelo tsa motse di tla tlala basimane le basetsana ba ba tshamekang mo mekgwatheng ya ona.’ “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Fa masalela a morafe o a ka bua mo malatsing ana a re: Tseo di a pala! a le nna di ka mpalela?’ go botsa Morena wa masomosomo. Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla golola morafe wa me, ke ba ntsha mo lefatsheng la botlhabatsatsi le mo lefatsheng la bophirimatsatsi; ke ba tlisa gore ba age mo Jerusalema. Ba tla nna morafe wa me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone ka boammaaruri le ka tshiamo.’ “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘A diatla tsa lona di tie thata, ba lo utlwileng mafoko a mo melomong ya baporofeti mo malatsing ano, ke go re, mo malatsing a motheo wa ntlo ya Morena wa masomosomo o theilweng ka ona gore Tempele e tle e agiwe. Gonne pele ga malatsi ano batho ba ne ba sa bone tuelo, le tuelo ya tiro ya dikgomo e ne e se yo; le fa ba ne ba bolola gongwe ba goroga ba ne ba se na boikhutso ka ntlha ya mmaba. Gonne ke ne ke lwantshanya batho botlhe. Mme jaanong ga nkitla ke direla masalela a morafe o jaaka ke dirile mo malatsing a pele,’ go bua Morena wa masomosomo. ‘Gonne ke tla tlisa kagiso: Setlhare sa moweine se tla ungwa maungo a sona; lefatshe le tla ntsha thobo ya lone, legodimo le naya monyo wa lone; mme masalela a morafe o ke tla a ruisa dilo tsotlhe tse. Pele lo ne lo le khutso mo ditšhabeng, lona Bajuta le lona Baiseraele, mme jaanong ke tla lo golola gore lo nne lesego. Se boifeng, a diatla tsa lona di tie thata!’ “Gonne Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Pele ke ne ke ikaeletse go lo otla, ka borraeno ba ne ba nkgalefisitse, mme ka se ka ka busa bogale,’ go bua Morena wa masomosomo. ‘Mme jaanong ke tla busa pelo, ke ikaelela go direla Jerusalema le Bajuta tse di molemo mo malatsing ano. Se boifeng! Dilo tse lo tshwanetseng go di dira ke tse: A mongwe le mongwe a bue boammaaruri e e agisang e nne mo makgotleng a lona. Lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona. Se rateng maikano a maaka, gonne ke tlhoile dilo tsotlhe tse,’ go bua Morena.” Mme Lefoko la Morena wa masomosomo la ntlela la re: “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Go itima go ja mo kgweding ya bone le mo go ya botlhano le mo go ya bosupa le mo go ya lesome go tla fetogela Bajuta tuduetso le boitumelo le meletlo e e monate. Fela ratang boammaaruri le kagiso.’ “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Go sa ntse go tla tla merafe le baagi ba metse e mentsi; baagi ba motse mongwe ba tla ya kwa go o mongwe ba re: Tlayang a re yeng go kopa bopelotlhomogi mo Moreneng le go batla Morena wa masomosomo! Le rona re a ya. Go tla tla merafe e mentsi le ditšhaba tse dikgolo go batla Morena wa masomosomo mo Jerusalema le go kopa bopelotlhomogi mo Moreneng.’ “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Mo malatsing ao banna ba le some ba dipuo tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara Mojuta, ba itshwarelela ka moja wa kobo ya gagwe ba re: Re rata go ya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’ ” Taelo ya Modimo. Lefoko la Morena ka ga lefatshe la ga Haterage; le bile le raya Damaseko; gonne Morena o lebile batho le ditso tsotlhe tsa Iseraele. Le ka ga Hamathe le ene yo o bapileng nae, le ka ga Tiro le ka ga Sitone ka a le botlhale thata. Ee, motse wa Tiro o ikagetse dikago tsa phemelo, wa phutha selefera jaaka lerole le gouta jaaka dithetse tsa mebila. Bonang, Morena o tla o thopa, a itaya phemelo ya ona e e mo lewatleng, mme ona ka osi o tla jewa ke molelo. Motse wa Ašekalone o tla bona jalo, o boifa; wa Gasa o tla tlalelwa thata; wa Ekerone le ona, ka tebelelo ya ona e ba swabisitse; kgosi ya Gasa e tla nyelela; Ašekalone o tla tlhoka baagi. Makgoba a tla nna mo Ašetote: “Ke tla fedisa boikgantsho jwa Bafelesita jalo. Ke tla tlosa madi a ba a nwang mo melomong ya bone le maila a a mo menong a bone; le bone ba tla sadisediwa Modimo wa rona, ba tshwana le lotso mo Juta; le ba Ekerone ba tla tshwana le Bajebusi. Mme ke tla thibelela tikologong ya Ntlo ya me go e femela mo go ba ba fetang le ba ba boang; mme mogateledi ga a nke a tlhola a ba thopa. Gonne jaanong go lebeletse nna ka matlho a me.” Itumele thata, morwadia Sione, o duduetse, morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e e tla kwa go wena, e siame, e tletse pholoso, e pelonolo, e palame esele, e leng eselana, ngwana wa esele. “Mme ke tla thubakanya dikoloi tsa ntwa mo go Eferaime le dipitse mo Jerusalema; bora jwa ntwa bo tla robakanngwa, mme ene o tla rerela ditšhaba kagiso. Puso ya gagwe e tla simologa fa lewatleng go ya go fitlha kwa lewatleng le lengwe; e simologa fa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.” “Le gona fa e le wena Sione, ke tla ntsha bagolegwi ba gago mo mosimeng o o se nang metsi ka ntlha ya madi a kgolagano ya gago. Boelang kwa kagong ya phemelo, lona batshwarwi ba lo nang le tsholofelo; le gona ke itsise kajeno gore ke tla lo busetsa gabedi tse di lo latlhegetseng. Gonne ke laetse Juta e le bora jwa me, ka tlhatlhela Eferaime mo go jona; ke tlhotlheleditse bana ba gago, Sione, gore ba lwe le bana ba gago, lefatshe la Bagerika; ke go dirile jaaka tšhaka ya mogale.” Mme Morena o tla bonala kwa godimo ga bone; motsu wa gagwe o tla tswa jaaka legadima; mme Morena Modimo o tla letsa lonaka, a tsamaya ka diphefo tsa borwa. Morena wa masomosomo o tla ba sireletsa, mme ba tla ja batshodi ba seragamajwe, ba ba gataka, ba nwa madi a bone jaaka weine, ba tlala ona jaaka megopo ya setlhabelo le jaaka dikgokgotsho tsa aletare. Mme Morena, Modimo wa bone o tla ba pholosa ka letsatsi leo, ka ba le morafe o e leng letsomane la gagwe; gonne ba phatsima jaaka ditaemane mo serwalong sa kgosi mo nageng ya gagwe. Kana kgalalelo ya bone e kgolo jang ne! Bontle jwa bone bo kana kang ne! Mabele a godisa makau, matute a moweine a godisa makgarebe. Rapelelang pula mo Moreneng mo sebakeng sa pula ya pele le ya morago; ke Morena yo o dirang dikgadima, mme pula o tla e lo nesetsa le tsotlhe tse di golang mo nageng. Gonne medimo ya mo gae e bua tsa boithamako; baitseanape ba bona maaka, ba bolela ditoro tse e seng tsa sepe; kgomotso ya bone ke phefo fela. Ke ka moo ba timetseng jaaka letsomane, ba bogisega, ka modisa a se teng. “Bogale jwa me bo tuketse badisa, ke tla betsa diphoko,” gonne Morena wa masomosomo o tla tlhokomela letsomane la gagwe, e leng Bajuta, a ba dira jaaka pitse e ntle ya gagwe mo tlhabanong. Lentswe la kgokgotsho le tla tswa mo go bone mmogo le lomapo, le bora jwa ntwa, le babusi botlhe; ba tla tswa mo go bone. Ba tla nna jaaka diganka tse di gatang dithetse tsa mebila mo tlhabanong; ba tla tlhabana, ka Morena a na nabo; bapalami ba dipitse ba tla tlhajwa ke ditlhong. “Mme ke tla tiisa Bajuta, ke thusa Bajosefa, ke ba busetsa mo gae; gonne ke tla ba tlhomogela pelo, mme ba tla nna jaaka e kete ga ke ise nke ke ba latlhe. Gonne ke nna Morena, Modimo wa bone, ke tla ba utlwa. Baeferaime ba tla nna jaaka diganka, dipelo tsa bone di tla itumela jaaka e kete ba nole weine. Bana ba bone ba tla bona jalo, ba itumela; dipelo tsa bone di tla dudueletsa Morena. Ke rata go ba bitsa ka molodi le go ba phutha, gonne ke ba rekolotse; mme ba tla ata jaaka ba ne ba atile pele. Ke ba gasitse mo merafeng, mme ba tla nkgakologelwa ba le kwa kgakala; mme ba tla phela le bana ba bone, ba boa. Ke tla ba busa kwa lefatsheng la Egepeto, ke ba phutha go tswa kwa Asiria, ke ba tlisa mo lefatsheng la Gileate le la Lebanone, mme go tla fitlhelwa le sa ba lekane. O tla feta mo lewatleng la tlalelo, a itaya dintelo mo lewatleng; madiba otlhe a noka ya Nile a tla kgala; go tla kokobediwa boikgogomoso jwa Asiria, mme molamu wa bogosi jwa Egepeto o tshwanetse go tloga. Ke tla ba tiisa mo Moreneng; ba tla sepela mo leineng la gagwe,” go bua Morena. Lebanone, bula dikgoro tsa gago gore molelo o je mesetere ya gago! Gwetla, setlhare sa mosiperese, gonne mosetere o wele, ditlhare tse dintle di sentswe; gwetlang, ditlhare tsa eike tsa Basane, ka sekgwa sa tshutlhankga se remilwe. Utlwa! Badisa ba a gwetla, gonne mafulo a mantle a bone a sentswe. Utlwa! Ditawana di a duma, gonne sekgwa se sentle sa Joretane se sentswe. Morena, Modimo wa me, o buile jaana a re: “Disa dinku tse di tlhajwang! Ke tse bareki ba tsona ba di tlhabang, ba sa ipone molato; mme ba ba di rekisang ba re: ‘A Morena a bakwe, gonne ke humile!’ Badisa ba tsona ga ba di rekegele. “Gonne ga nkitla ke tlhola ke rekegela baagi ba lefatshe le,” go bua Morena. “Bonang, ke tla tsenya motho mongwe le mongwe mo seatleng sa mongwe-ka-ene le mo seatleng sa kgosi ya gagwe, mme ba tla fetola lefatshe sekaka; ga nkitla ke ba pholosa mo diatleng tsa bone.” Jaanong ka disa dinku tse di tlhajwang. Tota e ne e le dinku tse di tlhomolang pelo! Ka tsaya dithobane di le pedi, nngwe ka e bitsa “Bopelonomi”, e nngwe ka e bitsa “Kutlwano”, ka fudisa letsomane. Ka ba ka nyeletsa badisa ba le bararo mo kgweding e le nngwe; ke fa ke fela pelo ka ntlha ya bona, mme le bona ba se ka ba tlhola ba mpatla. Ka ba ka re: “Ga ke tlhole ke rata go lo disa. Se se swang a se swe! Se se nyelelang a se nyelele! Mme a tse di setseng di jane!” Ke fa ke tsaya thobane ya me ya “Bopelonomi”, ke e roba, e le go senya kgolagano ya me e ke e dirileng le merafe yotlhe. Ya senyega jalo ka letsatsi leo; mme dinku tsa letsomane tse di tlhomolang pelo, tse di neng di ntse di nkutlwa, tsa lemoga ka mokgwa o, fa e le Lefoko la Morena. Jaanong ka ba raya ka re: “Fa lo bona gore go tshwanetse, mpheng tuelo ya me; fa go se jalo, lesang!” Ke fa ba ntekanyetsa tuelo ya me, e bong diselefera di le somamararo. Foo Morena a nthaya a re: “Di latlhele mmopi wa dinkgwana tlhwatlhwa e kgolo e, e e seng ya sepe, e ba nkaileng yona.” Ka tsaya diselefera di le somamararo, ka di latlhela mmopi wa dinkgwana mo Ntlong ya Morena. Ka ba ka roba thobane ya bobedi ya me ya “Kutlwano”, e le go senya kutlwano ya bana ba motho, ya Juta le Iseraele. Morago ga moo Morena a nthaya a re: “Tsaya gape dilo tsa modisa, mme e le wa seeleele. Gonne bona, ke tla tsosa modisa mo lefatsheng yo o sa tlholeng tse di latlhegileng, a sa batle tse di phatlaletseng, a sa alafe tse di robegileng, a sa tlamele tse di itekanetseng; mme a ja nama ya tse di nonneng, a garolaka ditlhako tsa tsona. A tatlhego wee ya modisa yo e seng wa sepe, yo o tlogelang letsomane! A tšhaka e reme letsogo la gagwe le leitlho le le jang la gagwe! A letsogo la gagwe le omelele ruri, a leitlho le le jang la gagwe le swele ruri.” Taelo ya Modimo. Lefoko la Morena ka ga Iseraele. Go buile Morena yo o phuthololang legodimo, yo o thayang motheo wa lefatshe, yo o bopang mowa wa motho mo teng ga gagwe a re: “Bonang, ke tla dira Jerusalema senwelo se se theekedisang merafe yotlhe e e mo tikologong; go lebile Juta le ene, fa Jerusalema a dikanyediwa ke ntwa. Ka letsatsi leo ke tla dira Jerusalema lentswe le le bokete thata mo merafeng yotlhe; mongwe le mongwe yo o reng, o a le kuka, o tla ikhutla ka lone mo go botlhoko. Mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla phuthega go mo tlhasela.” Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla itaya dipitse tsotlhe ka letshogo, ke betsa bapalami ba tsona ka botsenwa; mme ke tla bo ke budulogetse Bajuta matlho, mme dipitse tsotlhe tsa merafe ke tla di betsa ka bofofu. Dikgosana tsa Juta di tla bua mo pelong tsa tsona di re: ‘Baagi ba Jerusalema ke nonotsho ya rona ka Morena wa masomosomo, Modimo wa bone.’ “Ka letsatsi leo ke tla dira dikgosana tsa Juta jaaka lengetana le le tshotseng molelo le le mo dikgonnye, le jaaka serumola se se tukang se se mo dingateng tsa korong; di tla nyeletsa merafe yotlhe tikologong mo ntlheng ya le le jang le mo go ya la molema; mme ba Jerusalema ba tla sala ba agile mo felong ga bone mo Jerusalema.” Mme Morena o tla thusa maobo a Juta pele, e se re gongwe tumiso ya ba ntlo ya ga Dafita le tumiso ya baagi ba Jerusalema ya gaisa ya Juta. Ka letsatsi leo Morena o tla sireletsa baagi ba Jerusalema mo ntlheng tsotlhe; yo o bokoa mo go bone ka letsatsi leo o tla nna thata jaaka Dafita, mme ba ntlo ya ga Dafita ba tla nna jaaka baengele ba ba kwa legodimong le jaaka moengele wa Morena yo o fa pele ga bone. “Ka letsatsi leo ke tla batla go nyeletsa ditšhaba tsotlhe tse di tlileng go tlhasela Jerusalema. Mme Mowa wa kutlwelo-botlhoko le wa go rapelela boitshwarelo ke tla o tshela mo go ba ntlo ya ga Dafita le mo baaging ba Jerusalema, mme ba tla nteba ke le yo ba mo tlhabileng; ba tla mo hutsafalela jaaka go hutsafalelwa loso lwa ngwana yo o esi; ba tla mo lelela ka bogalaka jaaka ngwana yo o tsetsweng pele a lelelwa. Ka letsatsi leo go tla nna selelo se segolo (sa loso) mo Jerusalema jaaka selelo sa kwa Hataterimone mo leboeng la Megito. Lefatshe le tla hutsafala, losika longwe le longwe lo tla lela ka bolone, losika lwa ba ntlo ya Dafita ka bolone, le basadi ba bone ka bobone, losika lwa ba ntlo ya Nathane ka bolone, le basadi ba bone ka bobone, losika lwa ba ntlo ya Lefi ka bolone, le basadi ba bone ka bobone, losika lwa Simei ka bolone, le basadi ba bone ka bobone, ditshika tsotlhe tse di setseng, losika longwe le longwe ka bolone, le basadi ba bone ka bobone. “Ka letsatsi leo motswedi o tla tswelela ba ntlo ya Dafita le baagi ba Jerusalema, o tlosa boleo le maswe.” Morena wa masomosomo a re: “Ka letsatsi leo ke tla nyeletsa maina a medimo ya diseto mo lefatsheng gore e se ka ya tlhola e gopolwa; le gona ke tla tlosa baporofeti ba maaka le mowa o o maswe mo lefatsheng. Mme e tla re fa mongwe a sa ntse a ka itira moporofeti, rraagwe le mmaagwe ba ba mo tsetseng ba mo ree ba re: ‘Ga ò na go phela, gonne ò buile maaka mo leineng la Morena.’ Mme rraagwe le mmaagwe, batsadi ba gagwe, ba tla mo phololetsa, fa a re o bolela Lefoko la Modimo. Ka letsatsi leo baporofeti ba tla tlhajwa ke ditlhong, mongwe le mongwe ka ntlha ya pono e a reng o e bonye, fa a re o bolela Lefoko la Modimo. Ga ba kitla ba apara kobo ya boporofeti e e boboa gore ba tle ba tsietse ka yona. Mme o tla re: ‘Ga ke moporofeti! Ke monna yo o lemang masimo; gonne motho o nthekile go nna lekgoba go tswa bokaung jwa me.’ Mme fa a bodiwa gore mabadi ao a a mo sehubeng fa gare ga mabogo a gago, ke a eng? o tla fetola a re: ‘Ke iteilwe mo ntlong ya baratiwa ba me.’ “Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.” Morena a re: “Mo lefatsheng lotlhe karolo tse pedi tsa batho ba lone di tla nyelediwa, di e swa, mme karolo ya boraro e tla sadisiwa mo go lone. Mme ke tla tsenya karolo ya boraro mo molelong gore ba gakologe, ba itsheke jaaka go itshekisiwa selefera; ke ba tlhatlhoba jaaka gouta e tlhatlhojwa. Bao ba tla rapela leina la me, mme ke tla ba utlwa ke re: ‘Ke bone morafe wa me!’ Mme bone ba tla re: ‘Morena, Modimo wa rona!’ “Bonang, letsatsi la Morena le e tla, le ba tla abelanang tse di thopilweng mo go wena, Jerusalema, ka lone, mo teng ga gago. Gonne ke tla phuthela ditšhaba tsotlhe kwa motseng wa Jerusalema gore di tlhabane le ona. Mme motse o tla thopiwa, matlo a thukhuthwa, basadi ba tlotlololwa. Bontlhanngwe jwa motse bo tla ya mo botshwarong, mme masalela a morafe ga a kitla a nyelediwa mo motseng.” Mme Morena o tla bolola, a tlhabana le ditšhaba tseo, jaaka mo letsatsing le o a tleng a lwe ka lone, mo letsatsing la ntwa. Ka letsatsi leo maoto a gagwe a tla bo a eme mo Thabeng ya Diolefa e e lebaganyeng le Jerusalema, mo ntlheng ya botlhabatsatsi; mme Thaba ya Diolefa e tla phatloga go tloga bogareng jwa yona go ya kwa botlhabatsatsi le go ya kwa bophirimatsatsi, go be go tswa mokgatsha o mogolo thata; ntlha nngwe ya thaba e tla sutela kwa bokone, ntlha e nngwe ya yona kwa borwa. Mme lo tla tshabela mo mokgatsheng wa dithaba tsa me, gonne mokgatsha wa dithaba o tla fitlha kwa Asele; lo tshaba jaaka lo kile lwa tshaba thoromo ya lefatshe mo malatsing a ga Usia, kgosi ya Juta. Foo go tla tla wena Morena, Modimo wa me, o na le baitshepi botlhe. Mme ka letsatsi leo go tla bo go se na lesedi; dinaledi tse di phatsimang di tla fifala. Mme go tla nna letsatsi le le lengwe le le itsiweng ke Morena fela; ga le na motshegare, ga le na bosigo, le mo nakong ya mantsiboana go tla nna lesedi. Ka letsatsi leo metsi a a phelang a tla tswa mo Jerusalema; ntlha nngwe ya ona e elelela kwa lewatleng la botlhabatsatsi, ntlha e nngwe ya ona kwa lewatleng la bophirimatsatsi; go tla nna jalo mo selemong le mo marigeng. Mme Morena o tla nna kgosi ya lefatshe lotlhe; ka letsatsi leo Morena o tla nna a le mongwe fela, le leina la gagwe le le lengwe fela. Lefatshe lotlhe le tla fetoga leboa, go tloga kwa Geba go fitlha kwa Rimone ntlheng ya borwa ya Jerusalema. Mme motse wa Jerusalema o tla bo o okame, o le mo felong ga ona, go simolola kwa Kgorong ya Benyamene go ya felong ga Kgoro ya Kgale le go fitlha Kgorong ya Sekhutlo, le go tloga kwa Kagong ya phemelo ya ga Hananele go fitlha kwa digatelong tsa kgosi. Mme ba tla aga mo go ona, go sa tlhole go le sepe se se hutsitsweng ke Modimo; Jerusalema o tla nnwa a le mo tshireletsong. Merafe yotlhe e e bolotseng go tlhabana le Jerusalema, Morena o tla e betsa ka petso e: O tla bodisa nama ya bone ba ntse ba eme ka maoto; matlho a bone a tla bola mo dikgapeng tsa ona; diteme tsa bone di bola mo maganong a bone. Ka letsatsi leo go tla nna moferefere o mogolo mo go bone o o tswang kwa Moreneng gore botlhe ba tshwaragane diatla, ba tsogelane ka mabogo. Juta le ena o tla tlhabana kwa Jerusalema, mme go tla phuthwa khumo ya ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong, e bong gouta le selefera le diaparo, e le bontsi jo bogolo thata. Le gona petso ya dipitse le meboulwe le dikammele le diesele le diphedi tsotlhe tse di tla nnang teng mo mathibelelong ale e tla tshwana le petso eo. Mme masalela a ditšhaba tsotlhe tse di neng di tlile go tlhabana le Jerusalema a tla tla ka ngwaga le ngwaga go obamela kgosi, Morena wa masomosomo, le go dira moletlo wa metlaagana. Mme ba ditšhaba tsa lefatshe ba ba sa yeng kwa Jerusalema go obamela kgosi, Morena wa masomosomo, ga ba nke ba nesediwa pula. Mme fa setšhaba sa Egepeto se sa bolole go tla, foo petso e tla se wela e Morena o betsang ditšhaba ka yona tse di sa bololeng go ya go dira moletlo wa metlaagana. Ke yona kotlo ya Egepeto le kotlo ya ditšhaba tsotlhe tse di sa bololeng go ya moletlong wa metlaagana. Ka letsatsi leo go tla bo go kwadilwe mo ditshiping tse di lelang tsa dipitse go twe: “Di itshepetse Morena;” le dipitsa tse di mo Ntlong ya Morena di tla nna jaaka megopo ya ditlhabelo e e fa pele ga aletare. Mme dipitsa tse tsotlhe tse di mo Jerusalema le mo Juta di tla itshepela Morena wa masomosomo; mme botlhe ba ba tlisang ditlhabelo ba tla tla, ba tsaya dingwe tsa tsona, ba apaya ka tsona; ka letsatsi leo go tla bo go sa tlhole go le morekisi mo Ntlong ya Morena wa masomosomo. Taelo ya Modimo. Lefoko la Morena le le rerelwang Baiseraele ka Maleagi. Morena a re: “Ke lo ratile, mme lona lo botsa lo re: ‘O re ratile jang?’ A ga ke re: ‘Esau e ne e le mogoloa Jakobe?’ ” go bua Morena. “Mme ke ratile Jakobe, ka tlhoa Esau, mme dithaba tsa gagwe ke di dirile sekaka; ka dira boswa jwa gagwe naga ya diphokojwe. Fa Etomo a re: ‘Re thubakantswe, mme re tla tsosa marope.’ Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘A ba age, nna ke tla thuba, mme ba tla bidiwa naga ya boikepo le morafe o Morena a o galefetseng ka bosakhutleng.’ Matlho a lona a tla bona, mme lo tla re: ‘Morena o mogolo le ka kwa ntle ga molelwane wa Iseraele.’ “Morwa o tlotla rraagwe, motlhanka o boifa morena wa gagwe. Jaanong fa ke le Rara, tlotlo ya me e kae? Fa ke le Morena, go mpoifa go kae? Morena wa masomosomo o raya lona, baperesiti, ba lo nyatsang leina la me. Mme lo botsa lo re: ‘Re nyaditse leina la gago ka eng?’ Kana lo tlisa dijo tse di itshekologileng mo aletareng ya me, mme lo botsa lo re: ‘Re go tlotlolola ka eng?’ Kana ke ka polelo ya lona e e reng: ‘Lomati lwa bojelo lwa Morena lo a nyatsega.’ Gonne fa lo tlisa se se foufetseng go dira setlhabelo, a ga se molato? Le fa lo tlisa se se tlhotsang gongwe se se lwalang, a ga lo ipone molato? A ko ò se ise kwa moreneng wa gago! A ò tla mo kgatlha? Gongwe a ene o tla go itumelela? Legoka!” go bua Morena wa masomosomo. “Lekang he go kopa bopelotlhomogi mo Modimong lo re: ‘A o ko o re itshwarele!’ – Kana dilo tse di ntseng jalo di tswa mo diatleng tsa lona! – A o tla nna bopelonomi le lona?” go botsa Morena wa masomosomo. “E kete go ka bo go le mongwe mo go lona yo o tswalang dikgoro gore lo se ka lwa gotsa molelo mo aletareng ya me lefela! Ga ke kgatlhwe ke lona,” go bua Morena wa masomosomo. “Tshupelo e e tswang mo diatleng tsa lona ga e nnatefele. Gonne go tswa kwa botlhabong jwa letsatsi go fitlha kwa bophirimong jwa lone, leina la me le legolo mo ditšhabeng; mo felong gongwe le gongwe maswalo a fisediwa leina la me le tshupelo e e itshekileng; gonne leina la me le legolo mo ditšhabeng,” go bua Morena wa masomosomo. “Mme lona lo le itshepolola ka polelo ya lona e e reng: ‘Lobati lwa bojelo lwa Morena lo itshekologile le tse di tswang mo go lone ke dijo tse re di galalang.’ Lo buile lwa re: ‘Kana di lapisa jang!’ Mme lo a di nyatsa,” go bua Morena wa masomosomo; “mme lo tlisa se se thukhuthilweng le se se tlhotsang le se se lwalang, lo tlisa ditlhabelo jalo. A tse di tswang mo diatleng tsa lona di ka nkgatlha?” go botsa Morena. “Go hutsitswe motsietsi yo o nang le e tonanyana e e tshwanetseng mo letsomaneng la gagwe, mme le fa a dirile maikano, o tlhabela Morena e e sa tshwanelang. Kana, ke nna kgosi e kgolo,” go bua Morena wa masomosomo, “mme leina la me le boitshega mo ditšhabeng. “Jaanong, lona baperesiti, taolo e, e raya lona! Fa lo sa utlwe, fa lo sa e tshware ka pelo gore lo tlotle leina la me, foo ke tla romela khutso mo go lona, ke fetola masego a lona khutso, ee, ke setse ke dirile jalo, ka lo sa e tshware ka pelo,” go bua Morena wa masomosomo. “Bonang, ke tla lo ntsha mo tirong, ke mathela moswang mo difatlhegong tsa lona, e bong moswang wa meletlo ya lona, mme ba tla lo latlhela kwa go ona. Mme lo tla itse gore ke lo rometse taolo e gore kgolagano ya me le Lefi e tlhomame,” go bua Morena wa masomosomo. “Kgolagano ya me nae e ne e le bophelo le kagiso; ka di mo naya gore a mpoife; mme o ne a mpoifa, a tshoga leina la me. Thuto ya boammaaruri e ne e le mo molomong wa gagwe; tshiamololo ga e a ka ya fitlhelwa mo puong ya gagwe; a tsamaya le nna mo kagisong le mo nneteng, a sokolola ba bantsi mo bokgopong. Gonne molomo wa moperesiti o na le go boloka kitso; thuto e batlwa mo molomong wa gagwe, ka ene e le morongwi wa Morena wa masomosomo. “Mme lona lo fapogile mo tseleng, lwa usa ba bantsi ka thuto e e seng yona; lo sentse kgolagano ya Balefi,” go bua Morena wa masomosomo. “Ke gona ka moo le nna ke lo dirileng banyatsegi ba ba kwa tlase mo morafeng otlhe; ka gonne lona ga lo tsamae mo ditseleng tsa me, mme lo ruta batho ka go gobelela.” Rona rotlhe a ga re na Rraarona a le mongwe? A ga se Modimo o le mongwe fela o o re tlhodileng? Ke ka ntlha ya eng, fa re direlana ka boikanyologo, mme re itshepolola kgolagano ya borraetsho? Juta o dirile ka boikanyologo; maila a dirilwe mo Iseraeleng le mo Jerusalema; gonne Juta o itshepolotse morafe o o boitshepo o Morena a o ratang, ka go nyala morwadia modimo o sele. Monna yo o dirang jalo a Morena a mo nyeleletse yo o bitsang le yo o arabang mo matlong a Bajakobe le yo o tlisetsang Morena wa masomosomo tshupelo! Tse lo tla di dirang la bobedi ke tse: Lo tla khurumetsa aletare ya Morena ka dikeledi le ka selelo le ka diphegelo, ka gore ga a tlhole a tlhokomela tshupelo le e seng go kgatlhwa ke tse di tswang mo diatleng tsa lona. Mme lo botsa lo re: “Ke ka ntlhaang?” Ke ka gore Morena ke mosupi fa gare ga gago le mosadi wa bošwa jwa gago, yo wena o mo tlhadileng, etswe ene e le mogatso le modumedi ka wena. Ga go na monna ope yo o ka dirang jalo, fa a sa ntse a na le mowa wa tumelo. Yo o ntseng jalo o batla eng? O batla losika lwa morafe wa Modimo. Ka moo itise mo moweng wa gago, mme o se ka wa tlhala mosadi wa bošwa jwa gago! Morena, Modimo wa Iseraele, a re: “Ke tlhoile tlhalo le motlhadi yo o kgotlelang diaparo tsa gagwe ka tshiamololo.” Ka moo Morena wa masomosomo a re: “Itiseng ka ntlha ya mowa wa tumelo ya lona, mme lo se ka lwa dira ka boikanyologo!” Lo lapisitse Morena ka mafoko a lona. Mme lo botsa lo re: “Re mo lapisitse ka eng?” Ke ka polelo ya lona e e reng: “Botlhe ba ba dirang bosula ba molemo mo matlhong a Morena, ba a mo kgatlha!” E bile lo a re: “Modimo o o sekisang o kae?” “Bonang, ke tla roma morongwi wa me gore a baakanye tsela fa pele ga me. Mme Morena yo lo mmatlang o tla tla kwa Tempeleng ya gagwe ka tshoganyetso, e bong moengele wa kgolagano yo o lo kgatlhang. Bonang, o e tla,” go bua Morena wa masomosomo. Mme ke mang yo o ka itshokelang letsatsi la go tla ga gagwe? go tla ema mang mogang a bonalang? Gonne o tshwana le molelo wa mogakolosi; o tshwana le molora wa matlhatswi. O tla nnela go gakolosa le go itshekisa selefera. O tla itshekisa bomorwa Lefi, a ba tlhapisa jaaka go tlhatswiwa gouta le selefera, gore ba isetse Morena tshupelo ka tshiamo. Foo tshupelo ya Juta le ya Jerusalema e tla natefela Morena jaaka mo malatsing a kgale le jaaka mo dinyageng tsa bogologolo. “Ke tla lo atamela ka tshekiso ke le mosupi yo o bobebe, ke betsa badiri ba mereo ya boloi le ba ba itshepololang nyalo le ba ba ikanang ka maaka, le ba ba gatelelang badiredi ba bone mo tuelong le motlholagadi le khutsana, le ba ba siamololelang moeng, ba sa mpoife,” go bua Morena wa masomosomo. “Gonne nna Morena ga ke a fetoga; mme lona lo ntse lo le bomorwa Jakobe fela. Go tloga mo malatsing a borraeno lo fapogile mo melaong ya me, ga lo a ka lwa e tshegetsa. Boelang kwa go nna, foo ke tla boela kwa go lona,” go bua Morena wa masomosomo! “Mme lo botsa lo re: ‘Re na le go boa mo go eng?’ A motho o ka tsietsa Modimo? Nnyaya! Mme lona lo ntse lo ntsietsa. Mme lo botsa lo re: ‘Re go tsieditse ka eng?’ Ka kabelo ya lesome le ka lekgetho. Lo hutsitswe ka khutso, mme lo ntse lo ntsietsa lona setšhaba sotlhe. Tlisang kabelo ya lesome yotlhe kwa ntlong ya lehumo gore go nne dijo mo Ntlong ya me! A ko lo nteke ka go dira jalo, lo bone gore a ga nkitla ke lo bulela dithoba tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego go fitlha lo sa tlhoke sepe.” Go bua Morena wa masomosomo. “Mme ke tla thibela seji mo go lona gore se se ka sa lo senyetsa dijwalo tsa masimo; le gona setlhare sa moweine ga se kitla se tlhoka go lo ungwela,” go bua Morena wa masomosomo. “Ditšhaba tsotlhe di tla lo tumisa di re: ‘Lo letlhogonolo;’ gonne lefatshe la lona e tla nna le le kgatlhisang,” go bua Morena wa masomosomo. “Mafoko a lona a makete mo go nna,” go bua Morena. “Mme lo botsa lo re: ‘Re ne ra buisanya eng se se go kgopisitseng?’ Lo buile lwa re: ‘Ke lefelafela go direla Modimo. Go re thusa eng, fa re tshegeditse ditaelo tsa ona, mme re tsamaya ka diaparo tsa khutsafalo fa pele ga Morena wa masomosomo? Ka moo rona re tumisa ba ba ikgogomosang; le gona ba ba dirang tsa boikepo ba a tswelela pele; e bile ba raela Modimo, mme ba a falola!’ ” Ke fa ba ba boifang Morena ba buisanya. Mme Morena a reetsa, a utlwa; ga kwalwa lokwalo lwa segopotso fa pele ga gagwe, lwa kwalelwa ba ba boifang Morena, ba ba tlotlang leina la gagwe. “E tla re ka letsatsi le ke le etleetsang ba nne ba me,” go bua Morena wa masomosomo; “ke tla ba rekegela jaaka monna a rekegela morwawe yo o mo direlang. Mme lo tla baa lo bona pharologanyo fa gare ga mosiami le moikepi, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng. “Gonne bonang, letsatsi le e tla le le tukang jaaka leiso, mme botlhe ba ba ikgogomosang le ba ba dirang tsa boikepo ba tla nna dirite; letsatsi le le tlang le tla ba fisa, le sa ba tlogelele modi le e seng kala,” go bua Morena wa masomosomo. “Mme lona ba lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla lo tlhabela, le na le kalafo mo diphukeng tsa lone, mme lo tla bolola, lo tlolaka jaaka dinamane tse di tswang mo sakeng. Lo tla gataka baikepi, gonne ba tla nna molora ka fa tlase ga dipato tsa dinao tsa lona ka letsatsi le ke le etleetsang,” go bua Morena wa masomosomo. “Gakologelwang molao wa ga Moše, motlhanka wa me, o ke o mo laetseng kwa Horebe go nna wa Baiseraele botlhe, e leng ditaolo le ditaelo. “Bonang, ke tla lo romela moporofeti Elia, go ise go tle letsatsi la Morena le legolo, le le boitshegang. Ene o tla busetsa dipelo tsa borra-bana kwa baneng le dipelo tsa bana kwa go borraabone, e se re gongwe ka tla, ka itaya lefatshe ka khutso.” mafoko a dikwalo tsa kgolagano e kgologolo a felela fa. MAFOKO A DIKWALO TSA KGOLAGANO E KGOLOGOLO A FELELA FA. Lokwalo lwa lotso lwa ga Jesu morwa Dafita, morwa Aborahame. Aborahame o ne a tsala Isaka; Isaka a tsala Jakobe; Jakobe a tsala Juta le bomorwa-rraagwe. Juta le Thamare ba tsala Pherese le Sera; Pherese a tsala Heserone; Heserone a tsala Rame; Rame a tsala Aminatabe; Aminatabe a tsala Nasone; Nasone a tsala Salema; Salema le Rahabe ba tsala Boase; Boase le Ruthe ba tsala Obete. Obete a tsala Isai; Isai a tsala kgosi Dafita. Dafita le mogatsa-Uria ba tsala Salomo. Salomo a tsala Rehabeame; Rehabeame a tsala Abia; Abia a tsala Asa; Asa a tsala Josafate; Josafate a tsala Jorame; Jorame a tsala Usia; Usia a tsala Jothame; Jothame a tsala Ahase; Ahase a tsala Hesekia; Hesekia a tsala Manase; Manase a tsala Amone; Amone a tsala Josia; Josia a tsala Jegonya le bomorwa-rraagwe ka sebaka sa go hudusediwa kwa Babilone. E rile morago ga go hudusediwa kwa Babilone, Jegonya a tsala Salathiele; Salathiele a tsala Serubabele; Serubabele a tsala Abiute; Abiute a tsala Eliakime; Eliakime a tsala Asore; Asore a tsala Satoke; Satoke a tsala Agime; Agime a tsala Eliute; Eliute a tsala Eleasare; Eleasare a tsala Mathane; Mathane a tsala Jakobe; Jakobe a tsala Josefa, monna wa ga Maria yo o belegeng Jesu yo o bidiwang Keresete. Jalo he ditshika tsotlhe, go simolola ka Aborahame go tla go fitlha mo go Dafita, ke ditshika di le 14; le go tswa mo go Dafita go tla go fitlha mo sebakeng sa go hudusediwa kwa Babilone ke ditshika di le 14; le go tswa mo sebakeng sa go hudusediwa kwa Babilone go tla go fitlha mo go Keresete ke ditshika di le 14. Go tsalwa ga Jesu Keresete go ne go le jaana: E rile Maria mmaagwe a sena go beelelwa ke Josefa, ba ise ba kopane, a bonwa a le moimana ka Mowa o o Boitshepo. Josefa, lekau la gagwe, ka a siame, mme a sa rate go mo tlhabisa ditlhong, a ikaelela go mo tlhanogela mo sephiring. Ya re a ntse a akanya jalo, moengele wa Morena a bonala fa go ene ka toro a re: “Josefa, morwa Dafita, se boife go tsaya Maria go nna mosadi wa gago; gonne boimana jwa gagwe bo tswa mo Moweng o o Boitshepo. O tla belega mosimane, mme wena o bitse leina la gagwe Jesu; gonne ke ene yo o tla gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.” Gotlhe moo go dirafetse gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moporofeti a re: “Bonang, lekgarebe le tla ima, le belega mosimane; mme ba tla bitsa leina la gagwe Imanuele.” Ka phetolo ke go re: “Modimo o na le rona.” Ya re Josefa a tsoga mo borokong, a dira ka fa moengele wa Morena a mo laetseng ka teng, a tsaya mosadi wa gagwe; mme a se ka a kopana nae ga tsamaya a belega ngwana wa ntlha wa gagwe wa mosimane; a ba a bitsa leina la gagwe Jesu. E rile Jesu a sena go tsalelwa kwa Betleheme wa Jutea mo malatsing a kgosi Herote, batlhalefi bangwe ba tswa kwa botlhabatsatsi, ba fitlha mo Jerusalema ba re: “Kgosi ya Bajuta e e tsetsweng e fa kae? Gonne re bonye naledi ya yona, re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.” Ya re kgosi Herote a utlwa, a tshoga le botlhe ba Jerusalema nae. A ba a phutha baperesiti ba bagolo botlhe le Baitsedikwalo ba morafe, a tlhotlhomisa mo go bone gore Keresete o tla tsalelwa kae. Ba mo araba ba re: “Kwa Betleheme wa Jutea; gonne go kwadilwe jalo ke moporofeti ga twe: “ ‘Wena Betleheme wa lefatshe la Juta; ga o mmotlana ka gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tla tswa molaodi yo o tla disang morafe wa me wa Iseraele.’ ” Ke fa Herote a biletsa batlhalefi fa thoko, a ba botsa thata ka ga sebaka se naledi e bonetseng ka sona, a ba a ba romela kwa Betleheme a re: “Yaang lo tlhotlhomise sentle ka ga ngwana; mme e re lo sena go mmona, lo tle go mpolelela, gore le nna ke ye go mo obamela.” Ya re ba sena go utlwa kgosi, ba tsamaya; ba akofa ba bona naledi e ba e bonyeng kwa botlhabatsatsi, ya ba etelela pele, ya ba ya fitlha ya ema e okame felo fa ngwana a leng teng. Ya re ba bona naledi, ba itumela thata ka boitumelo jo bogolo. Ba feta ba tsena mo ntlong, ba bona ngwana, a na le Maria, mmaagwe. Jaanong ba wela fa fatshe, ba mo obamela, ba be ba phutholola matlotlo a bone, ba mo ntshetsa dineo, e bong gouta le maswalo le mera. Mme ya re ka ba laetswe ke Modimo ka toro gore ba se ka ba boela kwa go Herote, ba boela kwa lefatsheng la ga bone ka tsela e sele. E rile ba sena go tloga, moengele wa Morena a bonala fa go Josefa ka toro, a mo raya a re: “Nanoga o tsee ngwana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o be o nne teng go tsamaya ke go itsise; gonne Herote o ikemiseditse go batla ngwana gore a mmolae.” Ke fa a tsoga, a tsaya ngwana le mmaagwe bosigo, a tloga a ya kwa Egepeto; a nna teng ga tsamaya Herote a swa, gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moporofeti a re: “Ke biditse morwaake kwa Egepeto.” E rile jaanong Herote a lemoga gore batlhalefi ba mo forile, a gakala thata, a ba a romela batlhanka go bolaya basimanyana botlhe kwa Betleheme le mo tikologong yotlhe ya teng, go simolola ka ba dinyaga tse pedi le bomonnaa-bone, ka fa sebakeng se o se tlhotlhomisitseng mo batlhalefing. Ka go dira jalo ga dirafala se se builweng ke moporofeti Jeremia a re: “Lentswe le ne la utlwala kwa Rama, selelo le khutsafalo e kgolo; Ragele a lelela bana ba gagwe, mme a gana go gomodiwa, gonne ga ba tlhole ba le teng.” Jaanong ya re Herote a sena go swa, moengele wa Morena a bonala fa go Josefa kwa Egepeto ka toro a re: “Tsoga o tsee ngwana le mmaagwe, o boele kwa lefatsheng la Iseraele; gonne ba ba neng ba batla go bolaya ngwana ba sule.” A tsoga, a tsaya ngwana le mmaagwe, a boela kwa lefatsheng la Iseraele. Ya re a utlwa gore Aregelao o busa kwa Jutea mo boemong jwa ga Herote rraagwe, a boifa go ya teng; mme ya re a sena go laelwa ke Modimo ka toro, a fetela kwa lefatsheng la Galelea, a ba a fitlha a aga mo motseng o o bidiwang Nasaretha; ka go dira jalo ga dirafala se se builweng ke baporofeti ba re: “O tla bidiwa Monasaretha.” Mo malatsing ao ga tla Johane Mokolobetsi, a rera mo sekakeng sa Jutea a re: “Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!” Yoo ke ene yo moporofeti Jesaya o buileng ka ga gagwe a re: “Lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: ‘Baakanyang tsela ya Morena, siamisang mebila ya gagwe!’ ” Johane yoo, seaparo sa gagwe e ne e le sa boboa jwa kammele, a itlamile letheka ka moitlamo wa letlalo; dijo tsa gagwe e ne e le tsie le dinotshe tsa naga. Ke fa go tswela go ene batho ba Jerusalema le ba Jutea yotlhe le ba naga yotlhe e e fa Joretane, mme a ba kolobetsa mo nokeng ya Joretane, ba ntse ba ipobola dibe tsa bone. Ya re a bona bontsi jwa Bafarisai le Basadukai ba tla kolobetsong, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo kaetswe ke mang gore lo falole bogaleng jo bo tlang? Ungwang he maungo a a tshwanetseng tlhabologo. Lo se ka lwa ithaya lwa re: ‘Re na le Aborahame, ke ene rraetsho.’ Gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go ka tsosetsa Aborahame bana ka majwe a. Selepe se setse se beilwe fa meding ya ditlhare; mme setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le siameng, se tla rengwa, se be se latlhelwa mo molelong. Nna ke lo kolobeletsa tlhabologo ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go mo tsholela ditlhako; ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo; o tshwere seoloso ka letsogo, mme o tla feela seboana sa gagwe gotlhe; o tla phuthela mabele a gagwe mo sefaleng, mme moko a o tshuba ka molelo o o sa kakeng wa tingwa.” Jaanong Jesu a tswa kwa Galelea, a ya kwa go Johane kwa Joretane gore a kolobediwe ke ene. Mme Johane a re o a gana, a mo raya a re: “Ke nna ke tshwanetseng go kolobediwa ke wena, mme a o tla go nna?” Jesu a mo araba a re: “Letlelela go nne jalo; gonne go re tshwanetse jalo gore re dirafatse tshiamo yotlhe.” Ke fa a dumela. Ya re Jesu a sena go kolobediwa, a tswa mo metsing ka bonako. Foo magodimo a mmulegela, a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi, o tla mo go ene. Mme lentswe la utlwala, le tswa kwa magodimong le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang.” Ya baa gona Jesu a gogelwang ke Mowa kwa sekakeng gore a raelwe ke Diabolo. E rile a sena go itima dijo malatsi a le 40 le masigo a le 40, a tshwarwa ke tlala. Jaanong moraedi a tla, a mo raya a re: “Fa o le Morwa Modimo, bua gore majwe a, a fetoge dinkgwe.” Ene a fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a nke a phela ka senkgwe fela; o phela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’ ” Jaanong Diabolo a mo isa kwa motseng o o boitshepo, a mmaya mo setlhoeng sa Tempele, a mo raya a re: “Fa ò le Morwa Modimo, itatlhele kwa tlase; gonne go kwadilwe ga twe: “ ‘O tla laela baengele ba gagwe ka ga gago; ba tla go kuka ka diatla, e se re gongwe dinao tsa gago tsa kgopiwa ke lentswe.’ ” Jesu a mo fetola a re: “E bile go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa leka Morena, Modimo wa gago!’ ” Gape, Diabolo a mo isa kwa thabeng e e goletseng kwa godimo thata, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe le bontle jwa ona, a mo raya a re: “Tsotlhe tse ke tla di go naya, fa o ka wela fa fatshe, wa nkobamela.” Jesu a mo fetola a re: “Ntlogela, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tshwanetse go obamela Morena, Modimo wa gago le go direla ene a le esi fela.’ ” Ke fa Diabolo a mo tlogela; mme baengele ba tla, ba mo direla. E rile a utlwa gore Johane o golegilwe, a ngwegela kwa Galelea. A huduga kwa Nasaretha, a ya go nna kwa Kaperenaume yo o fa letsheng mo nageng ya Sebulone le Nafetale, gore go dirafale se se builweng ke moporofeti Jesaya a re: “Lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetale, ntlheng ya letsha, moseja wa Joretane, Galelea wa Baditšhaba, morafe o o ntseng mo lefifing o bonye lesedi le legolo; ba ba dutseng mo lefatsheng la loso le mo moriting wa loso, lesedi le ba tlhabetse.” Go tloga foo Jesu a simolola go rera a re: “Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!” Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona bana ba motho ba le babedi, e bong Simone yo o bidiwang Petoro le Andrea morwa-rraagwe, ba digela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi. A ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.” Jaanong ba akofa ba tlogela matloa, ba mo sala morago. Ya re a fetela pele go tswa foo, a bona bana ba motho ba bangwe ba le babedi, e bong Jakobo, morwa Sebeteo, le Johane monnawe, ba na le Sebeteo rraabo mo mokorong, ba baakanya matloa a bone; a ba bitsa. Ba akofa ba tlogela mokoro le rraabo, ba mo sala morago. Jaanong Jesu a tsamaya le Galelea yotlhe, a ntse a ruta mo disenagogeng tsa bone a rera Efangele ya puso, a fodisa malwetse otlhe le makoa otlhe mo bathong. Tumo ya gagwe ya tswela kwa Siria yotlhe. Batho ba isa go ene botlhe ba ba lwalang, ba ba tshwerweng ke malwetse a mefutafuta le matlhoko, le ba ba tsenyweng ke medemone, le ba ba karalalang, le ba ba suleng mefama, a ba fodisa. Bontsintsi jwa mo latela, bo tswa kwa Galelea le Dekapoli le Jerusalema le Jutea le kwa moseja ga Joretane. E rile a bona bontsintsi, a tlhatlogela kwa thabeng; ya re a sena go nna fa fatshe, barutwa ba gagwe ba tla go ene. A tumolola molomo, a ba ruta a re: “Go sego ba ba humanegileng mo moweng; gonne puso ya magodimo ke ya bone. Go sego ba ba hutsafetseng; gonne ba tla gomodiwa. Go sego ba ba pelonolo; gonne ba tla rua boswa jwa lefatshe. Go sego ba ba nang le tlala ya tshiamo, ba e nyorelwa; gonne ba tla kgorisiwa. Go sego ba ba kutlwelo-botlhoko; gonne ba tla utlwelwa botlhoko. Go sego ba ba pelo di itshekileng; gonne ba tla bona Modimo. Go sego badira-kagiso; gonne ba tla bidiwa bana ba Modimo. Go sego ba ba bogisediwang tshiamo; gonne puso ya magodimo ke ya bone. “Lo sego, fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba bua bosula jotlhe ka ga lona ka maaka, ka ntlha ya me. Itumeleng lo ipele; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa magodimong. Gonne ba bogisitse baporofeti jalo, ba ba neng ba le teng pele ga lona. “Lona lo letswai la lefatshe. Fa letswai le tswapogile, le tla lokwa ka eng? Ga le tlhole le na le tiro epe, fa e se go latlhelwa kwa ntle le go gatakwa ke batho. “Lona lo lesedi la lefatshe. Motse o o mo godimo ga thaba ga o ka ke wa fitlhega. Le gona ga go ke go tshujwa lobone, lwa bewa ka fa tlase ga kgamelo. Lo bewa mo setlhomong; foo lo tla bonegela botlhe ba ba mo ntlong. A lesedi la lona le bonegele batho jalo gore ba bone ditiro tsa lona tse di siameng, ba tle ba galaletse Rraalona yo o kwa magodimong. “Lo se ka lwa gopola gore ke tsile go dirolola molao gongwe baporofeti; ga ke a tla go dirolola, ke tsile go dirafatsa. Gonne, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa tsotlhe di ise di dirafale pele, ga go ka ke ga feta tlhakanyana epe, le fa e le letshwaonyana lepe la molao, go tsamaya go fete legodimo le lefatshe. Ka moo, le fa e le mang yo o tla dirololang nngwe ya ditaolo tse dipotlana tse le go ruta batho jalo, o tla bidiwa yo mmotlana mo pusong ya magodimo. Mme yo o tla di dirisang le go di ruta, ene o tla bidiwa yo mogolo mo pusong ya magodimo. Gonne ke lo raya ke re: Fa tshiamo ya lona e sa gaise ya Baitsedikwalo le ya Bafarisai, ga lo ka ke lwa tsena mo pusong ya magodimo ka gope. “Lo utlwile gore go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa bolaya; mme le fa e le mang yo o bolayang o tla atlholelwa petso.’ Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o galefelang mokaulengwe wa gagwe fela, o tla atlholelwa petso; yo o rayang mokaulengwe wa gagwe a re: ‘Selo ke wena!’ o tla tshwanelwa ke katlholo ya lekgotla le legolo; yo o reng: ‘Lesilo ke wena!’ o tla tshwanelwa ke go latlhelwa kwa moleteng wa molelo. Fa jaanong ò isa neo ya gago fa aletareng, mme ò gakologelwa teng gore mokaulengwe wa gago o ngongorega ka wena, foo tlogela neo ya gago teng fa pele ga aletare, ò ye o agisanye le mokaulengwe wa gago pele, e be gona ò ka tlang wa isa neo ya gago. “Akofa ò utlwane le moganetsi wa gago, o sa ntse o na nae mo tseleng, e se re gongwe moganetsi a go neela moatlhodi, mme moatlhodi a go neela motlhanka, mme wa latlhelwa mo ntlong ya kgolegelo. Ammaaruri ke go raya ke re: Ga o ka ke wa tswa teng ka gope, o ise o lefe sente ya bofelo. “Lo utlwile gore go tilwe: ‘O se ka wa dira boaka.’ Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong ya gagwe. Fa leitlho la gago le le jang le go kgopisa, ò le gonye, ò le latlhe; gonne go molemo mo go wena, fa nngwe ya ditokololo tsa gago e ka senyega, gore go se latlhelwe mmele otlhe wa gago mo moleteng wa molelo. Fa letsogo la gago le le jang le go kgopisa, ò le kgaole, ò le latlhe; gonne go molemo mo go wena, fa nngwe ya ditokololo tsa gago e ka senyega, gore go se latlhelwe mmele otlhe wa gago mo moleteng wa molelo. “Gape go tilwe: ‘Yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a a mo nee lokwalo lwa tlhalo.’ Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme yo o nyalang yo o tlhadilweng, o dira boaka. “Gape, lo utlwile gore go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa ikana ka maaka, mme o tshegeletse Morena maikano a gago.’ Mme nna ke lo raya ke re: Se ikaneng ka gope, le fa e le ka legodimo, ka e le sedulo sa Modimo sa bogosi, le fa e le ka lefatshe, ka e le sebeo sa ona sa dinao, le fa e le ka Jerusalema, ka e le motse wa kgosi e kgolo. Le gona, ò se ka wa ikana ka tlhogo ya gago, ka ò sa ka ke wa dira thiri epe tshweu gongwe ntsho. Mme a lefoko la lona la ‘Ee’ e nne ‘Ee’, la ‘Nnyaa’ e nne ‘Nnyaa’; mme se se fetang tseo se tswa mo go yo-o-bosula. “Lo utlwile gore go tilwe: ‘A leitlho le tswelwe ke leitlho le leino ke leino.’ Mme nna ke lo raya ke re: Se ganetsanyeng le yo o lo direlang bosula; mme fa mongwe a go faphola lesameng le le jang, mo neele le la molema. Yo o ratang go seka le wena go tsaya kojwana ya gago, mo leseletse go go tseela le kobo. Gape, fa motho a go pateletsa go tsamaya le ene mmaele e le nngwe, yaa nae tse pedi. Naya yo o go kopang; le yo o ratang go adima mo go wena, o se ka wa mo hularela. “Lo utlwile gore go tilwe: ‘Rata mongwe-ka-wena, mme o tlhoe mmaba wa gago.’ Mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo tshegofatseng ba ba lo hutsang; ba ba lo tlhoileng lo ba direleng molemo, lo rapelele ba ba lo kgobotlang, ba lo bogisa, gore lo nne bana ba ga Rraeno yo o kwa magodimong; gonne o tlhabisetsa ba ba bosula le ba ba molemo letsatsi la gagwe, o nesetsa basiami le basiamolodi pula. Gonne fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo? Fa lo dumedisa bakaulengwe ba lona fela, lo gaisa ba bangwe ka eng? Baheitane a ga ba dire jalo le bone? Ka moo he, siamang ka botlalo jaaka Rraeno wa legodimo a siame ka botlalo. “Itiseng gore lo se dire tshiamo ya lona fa pele ga batho gore lo bonwe ke bone; go seng jalo ga lo na tuelo mo go Rraeno yo o kwa magodimong. “Ka moo he, e re fa o dira tsa bopelotlhomogi, o se ka wa letsa lonaka fa pele ga gago, jaaka baitimokanyi ba tle ba dire mo disenagogeng le mo mebileng gore ba tlotlwe ke batho. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse. Mme wena, e re fa ò ntsha dikatso, a letsogo la gago la molema le se ka la itse se se dirwang ke le le jang, gore dikatso tsa gago di nne mo bosaitsiweng; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela. “Gape fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi; gonne ba rata go rapela ba eme mo disenagogeng le fa makopanelong a mebila gore ba ipontshe batho. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse. Mme wena, e re fa o rapela, o tsene mo ntlwaneng ya gago e e kwa teng; mme e re ò sena go tswala mojako, ò rapele Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela. “Fa lo rapela, lo se ka lwa boaboela jaaka baheitane; gonne ba gopola gore ba tla utlwiwa ka ntlha ya bontsi jwa mafoko a bone. Ka moo he, se tshwaneng le bone; gonne Rraalona o itse tse lo di tlhokang, lo ise lo di mo kope. Mme lona lo rapele jaana lo re: “ ‘Rraetsho yo o kwa magodimong; leina la gago a le itshepisiwe; puso ya gago a e tle; thato ya gago a e dirafale mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Re fe gompieno sejo sa rona sa letsatsi. O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona. O se re gogele mo thaelong, mme ò re golole mo bosuleng. Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo! Amen.’ “Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, le lona Rraeno wa legodimo o tla lo itshwarela. Mme fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a kitla a lo itshwarela ditlolo tsa lona. “Gape fa lo itima dijo, lo se ka lwa tlhonya jaaka baitimokanyi; gonne ba itshenya difatlhego gore ba ipontshe batho, fa ba itima dijo. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse. Mme wena, e re fa ò itima dijo, ò iphotle tlhogo, o tlhape sefatlhego gore batho ba tle ba se ka ba bona gore ò itima dijo; mme ò bonwe fela ke Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela. “Se iphutheleng mahumo mo lefatsheng, kwa go senyang motoutwana le marale teng, le kwa magodu a phunyang, a utswa teng. Iphutheleng mahumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng, le fa e le marale, le kwa magodu a sa phunyeng go utswa teng. Gonne kwa letlotlo la gago le leng teng, pelo ya gago le yona e tla nna teng. “Leitlho ke lobone lwa mmele; ka moo, fa leitlho la gago le siame, mmele otlhe wa gago o tla sedifala. Mme fa leitlho la gago le le bosula, mmele otlhe wa gago o tla fifala. Fa jaanong lesedi le le mo go wena e le lefifi, kana lefifi le tla bo le le legolo jang! “Ga go ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone. “Ke ka ntlha ya moo ke lo rayang ke re: Se tshwenyegeleng bophelo jwa lona gore lo tla ja eng, lo tla nwa eng, le fa e le mmele gore lo tla apara eng? Bophelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo? Lebang dinonyane tsa leapi; ga di jwale, e bile ga di robe, le fa e le go phuthela mo difaleng; mme Rraalona wa legodimo o a di otla. Lona a ga lo di gaise segolo? Ke ofe wa lona yo o ka ikoketsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhofaelela? “Lo tlhofaelelelang diaparo? Elang dithunya tsa naga tlhoko ka fa di golang ka teng; ga di dire, ga di otlhe; mme ke lo raya ke re: Le fa e le Salomo mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgaba jaaka sengwe sa tseo. Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga, jo bo leng teng kajeno, mme ka moso bo latlhelwa mo leisong, a ga o kitla o lo apesa bogolo lona ba tumelo e potlana? “Ka moo, se tshwenyegeng lwa re: ‘Re tla ja eng, gongwe, re tla nwa eng, gongwe, re tla apara eng?’ Gonne tsotlhe tseo di batlwa ke baheitane; kana Rraeno wa legodimo o itse gore tsotlhe tseo lo tshela ka tsona. Jalo he, batlang pele puso ya Modimo le tshiamo ya ona, mme tsotlhe tseo lo tla di okelediwa. Ka moo he, se tshwenyegeleng letsatsi la ka moso; gonne letsatsi la ka moso le tla itshwenyegela ka losi. Letsatsi le lekanywe ke tshwenyego ya lone. “Lo se ka lwa atlhola gore lo se atlholwe; gonne katlholo e lo ka atlholang ka yona, lo tla atlholwa ka yona, le selekanyo se lo ka lekanyang ka sona, lo tla lekanyediwa ka sona. O lebelang phatsana e e mo leitlhong la morwa-rraago, mme o sa lemoge kota e e mo leitlhong la gago? Gape o ka raya morwa-rraago jang wa re: ‘Nte ke ntshe phatsana mo leitlhong la gago,’ etswe ò sa bone kota e e mo leitlhong la gago? Moitimokanyi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele; ke gona ò tla bonang sentle go ntsha phatsana mo leitlhong la morwa-rraago. “Lo se ka lwa naya dintšwa se se itshepileng; le gona lo se ka lwa latlhela ditalama tsa lona fa pele ga dikolobe, e se re gongwe tsa di gataka ka ditlhako tsa tsona, tsa ba tsa retologa, tsa lo gagoganya. “Kopang, mme lo tla newa; batlang, mme lo tla bona; konyakonyang, mme lo tla bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela; le yo o batlang, o a bona; le yo o konyakonyang, o tla bulelwa. A kampo go na le motho mo go lona yo e ka reng fa morwawe a mo kopa senkgwe, a mo naya lentswe? Gongwe fa a kopa tlhapi, a a ka mo naya noga? Jaanong, fa lona, ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, bogolo jang Rraalona yo o kwa magodimong o tla naya ba ba mo kopang tse di siameng! “Jaanong tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, lo ba direle tsona; gonne molao o a re jalo le baporofeti. “Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, le tsela e kgolo e e yang kwa tatlhegong, mme ba ba tsenang ka yona ba bantsi. Mme kgoro e pitlaganye, le tsela e tshesane e e yang botshelong, mme ba ba e bonang ga ba bantsi. “Itiseng mo baporofeting ba e seng bone, ba ba tlang go lona, ba apere diaparo tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolang. Lo tla ba itse ka maungo a bone. A go a tle go fulwe leungo la moweine mo mitlweng, gongwe difeie mo mesitlwaneng? Ka moo, setlhare sengwe le sengwe se se siameng se ungwa maungo a a monate; mme setlhare se se sa siamang se ungwa maungo a a botlhoko. Setlhare se se siameng ga se ka ke sa ungwa maungo a a botlhoko, le setlhare se se sa siamang ga se ka ke sa ungwa maungo a a monate. Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le monate se a rengwa, se latlhelwe mo molelong. Ka moo he, lo tla ba itse ka maungo a bone. “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena!’ yo o tla tsenang mo pusong ya magodimo; go tla tsena fela yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong. Ba bantsi ba tla nthaya ka letsatsi leo ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera Lefoko la Modimo ka leina la gago, ra ba ra leleka medemone ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro tse dikgolo ka leina la gago?’ Foo ke tla ba raya ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse; tlogang fa go nna, lona badiratshiamololo!’ “Jaanong mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ao a me, a ba a a dirisa, o tla tshwana le monna yo o tlhoko, yo o agileng ntlo ya gagwe mo lefikeng; mme pula ya fologa, le merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaya ntlo eo; mme ya se ka ya wa; gonne e ne e theilwe mo lefikeng. “Mme mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ao a me, mme a sa a dirise, o tla tshwana le monna yo o lesilo, yo o agileng ntlo ya gagwe mo mošaweng; mme pula ya fologa, le merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaya ntlo eo, ya ba ya wa; mme go wa ga yona ga nna gogolo.” Jaanong ya re Jesu a sena go fetsa mafoko ao, batho ba welwa ke letshogo le legolo ka ntlha ya thuto ya gagwe; gonne o ne a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka Baitsedikwalo ba bone. E rile a fologa mo thabeng, masomo a magolo a mo sala morago. Jaanong molepero a tla go ene, a mo obamela a re: “Morena, fa o rata, o ka mphepafatsa.” Jesu a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata, phepafala!” Mme a akofa a fola lepero la gagwe. Jesu a ba a mo raya a re: “O itise gore o se ka wa bolelela ope; mme yaa o ipontshe moperesiti, o be o ise neo e Moše o e laetseng, go nna tshupo mo go bone.” E rile a tsena mo Kaperenaume, ga tla molaodi-wa-lekgolo go ene, a mo rapela a re: “Morena, motlhanka wa me o letse fa fatshe mo ntlong, o sule mhama, o bile o tlhabegile mo go botlhoko.” Jesu a mo raya a re: “Ke tla tla, ke mo fodisa.” Molaodi a araba a re: “Morena, ga go a ntshwanela gore o tsene fa tlase ga ditlhomeso tsa me; bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tla fola; gonne le nna ke motho yo o mo taolong, mme ke na le batlhabani fa tlase ga me; e a re fa ke raya yo ke re: ‘Tsamaya!’ a tsamae; le yo mongwe ke re: ‘Tlaa!’ a tle; le motlhanka wa me ke re: ‘Dira se!’ a se dire.” Ya re Jesu a utlwa, a gakgamala, a raya ba ba mo setseng morago a re. “Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga ke ise nke ke bone tumelo e e kana le fa e le mo Iseraele. Ke bile ke lo raya ke re: Ba bantsi ba tla tswa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, ba nna fa tafoleng le Aborahame le Isaka le Jakobe mo pusong ya magodimo; mme bana ba puso ba tla kgaramelediwa kwa lefifing le le kwa ntle; teng go tla nna selelo le phuranyo ya meno.” Jesu a ba a raya molaodi a re: “Tsamaya; a go go dirafalele ka fa o dumetseng ka teng.” Mme motlhanka wa gagwe a fola ka yona nako eo. E rile Jesu a tsena mo ntlong ya ga Petoro, a bona mogwagwadie a letse fa fatshe, a tuka bolelo; ke fa a tshwara seatla sa gagwe; mme mogote wa mo tlogela, a ba a tsoga, a mo direla. Ya re go le maitsiboa, ba tsisa go ene ba le bantsi ba ba tsenyweng ke medemone; a kgarameletsa mewa kwa ntle ka lefoko, a fodisa botlhe ba ba lwalang, gore go dirafale se se builweng ke Jesaya moporofeti a re: “Ene o ithwesitse makoa a rona, a rwala malwetse a rona.” E rile Jesu a bona lesomo la batho le mo dikanyeditse, a laola gore go tshelelwe kwa moseja. Foo ga tla moitsedikwalo, a mo raya a re: “Moruti, ke tla go sala morago gongwe le gongwe kwa o ka yang teng.” Jesu a mo fetola a re: “Diphokojwe di na le mesima le dinonyane tsa leapi di na le dintlhaga, mme Morwa-Motho ene ga a na fa a ka latsang tlhogo teng.” Yo mongwe wa barutwa a mo raya a re: “Morena, ntetlelele, ke ye go fitlha rre pele.” Jesu a mo fetola a re: “Ntshale morago; a baswi ba fitlhe baswi ba bone!” E rile a palama mokoro, barutwa ba gagwe ba mo sala morago. Jaanong ga tsoga ledimo le legolo mo letsheng, mo mokoro o bileng wa khurumediwa ke makhubu, mme ene a bo a robetse. Ba ya go ene, ba mo tsosa ba re: “Morena, re pholose, re a nwela!” A ba raya a re: “Lo boifelang, ba tumelonyana ke lona?” Ke fa a tsoga, a kgalemela diphefo le letsha, ga ba ga nna tidimalo e kgolo. Foo batho ba gakgamala ba re: “Yo ke yo o ntseng jang, ka le tsona diphefo le letsha di mo utlwa?” E rile a fitlha kwa moseja mo lefatsheng la Bagatara, batho ba le babedi ba kgatlhana nae, ba ba tsenyweng ke mewa e e bosula, ba tswa kwa diphupung, ba le bogale thata, mo go neng go se ope yo o ka fetang ka tsela eo. Ba goa ba re: “Re na le kopano efe le wena, Morwa Modimo? A o tsile kwano go re tlhokofatsa e ise e nne nako?” Jaanong ga bo go fula motlhape o mogolo wa dikolobe kgakalanyana le bone. Mewa e e bosula ya mo rapela ya re: “Fa o re kgarameletsa ntle, re romele kwa motlhapeng wa dikolobe.” A e raya a re: “Yaang teng!” Foo ya tswa, ya tsena mo dikolobeng; motlhape otlhe wa ba wa itigela ka maokoriba mo letsheng, wa swela mo metsing. Jaanong badisa ba tshaba, ba ya kwa motseng, ba bolela tsotlhe, le tsona tsa ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e bosula. Foo batho botlhe ba motse ba tswa ba ya go kopana le Jesu. Ya re ba mmona, ba mo rapela gore a tloge mo nageng ya bone. Jaanong a palama mokoro a tshela letsha, a boela kwa motseng wa ga gabo. Foo ba tsisa go ene mongwe yo o suleng mhama, a letse mo bolaong. Ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya yo o suleng mhama a re: “Namatshega, ngwanaka; dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Ke fa bangwe ba Baitsedikwalo ba ithaya ba re: “Yo, o kgala Modimo.” Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo gopolelang tse di bosula mo dipelong tsa lona? Se se botlhofo ke sefe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe,’ gongwe go re: ‘Tsoga o tsamae’? Mme lo tla lemoga gore Morwa-Motho o na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe!” Ke fa a raya yo o suleng mhama a re: “Tsoga o tsee bolao jwa gago, o be o ye kwa ntlong ya gago!” Mme a tsoga, a ya kwa ntlong ya gagwe. Ya re batho ba bona, ba boifa, ba be ba galaletsa Modimo o o neileng batho thata e e ntseng jalo. E rile Jesu a tswa foo, mme a fetela pele, a bona motho yo o bidiwang Matheo, a dutse mo ntlong ya kgethelo; a mo raya a re: “Ntshala morago!” Yoo a nanoga, a mo sala morago. Ya re Jesu a ntse fa dijong mo ntlong, bakgethisi le baleofi ba le bantsi ba tla, ba nna nae fa dijong le barutwa ba gagwe. Ya re Bafarisai ba bona, ba raya barutwa ba gagwe ba re: “Moruti wa lona o jelang le bakgethisi le baleofi?” Ya re a utlwa jalo, a ba raya a re: “Ngaka ga e batlwe ke ba ba itekanetseng, e batlwa ke ba ba lwalang. Jaanong tsamayang, lo ithute gore ke go reng, fa go twe: ‘Ke batla kutlwelo-botlhoko, e seng setlhabelo;’ gonne ke tsile go biletsa baleofi tlhabologong, e seng basiami.” Ya baa gona barutwa ba ga Johane ba tlang go ene ba re: “Ke go reng, fa rona le Bafarisai re itima dijo gantsi, mme barutwa ba gago ba sa di itime?” Jesu a ba araba a re: “A baetsana ba ka lela, monyadi a sa ntse a na nabo? Mme malatsi a tla tla, a monyadi a tla tlosiwang mo go bone ka ona; ke gona ba tla itimang dijo. “Ga go ope yo o ka bitiang seaparo se se onetseng ka sebata se sešwa; gonne sebata sa sona se tla gagola seaparo, mme legago le oketsege. E bile ga go ke go tshelwa weine e ntšhwa mo makukeng a a onetseng. Fa go ka dirwa jalo, makuka a ka phanyega, weine ya tshologa, le makuka a senyega. Mme go a tle go tshelwe weine e ntšhwa mo makukeng a mašwa, mme di bolokege mmogo.” Ya re a sa ntse a bua tseo nabo, mookamedi mongwe wa senagoge a tla, a mo obamela a re: “Morwadiake ke gona o swang; mme a o ko o tle, o mmee letsogo, mme o tla rula.” Jesu a nanoga, a mo sala morago le barutwa ba gagwe. Jaanong mosadi yo o sa leng a nna le tshologo ya madi dinyaga di le 12, a tla fa morago ga gagwe, a ama kola ya kobo ya gagwe; gonne o ne a dumela go re: “Fa nka ama kobo ya gagwe fela, ke tla fola.” Jesu a retologa, a mmona, a mo raya a re: “Namatshega, morwadiaka; tumelo ya gago e go thusitse.” Mme mosadi a fola e sa le ka nako eo. Ya re Jesu a tsena mo ntlong ya mookamedi, mme a bona baletsi ba ditlhaka, le bontsi bo tsositse modumo, a ba raya a re: “Thibogang! Gonne morweetsana ga a swa, o thulametse.” Mme ba mo tshega. Ya re batho ba sena go ntshiwa, a tsena, a mo tshwara letsogo, mme morweetsana a tsoga. Tumo ya moo ya utlwala mo lefatsheng leo lotlhe. E rile Jesu a tloga foo, difofu tse pedi tsa mo sala morago, tsa goa tsa re: “Re utlwele botlhoko, Morwa Dafita!” Ya re a sena go tsena mo ntlong, difofu tsa tla fa go ene. Jesu a ba raya a re: “A lo dumela gore ke nonofile go dira jalo?” Tsa mo raya tsa re: “Ee, Morena.” Ke fa a ama matlho a bone a re: “A go lo dirafalele ka fa tumelong ya lona!” Foo matlho a bone a foufologa. Mme Jesu a ba laela thata a re: “Lo itise gore lo se itsise ope.” Mme ba tswa, ba mo tumisa mo lefatsheng leo lotlhe. Ya re ba tswa, ga tsisiwa go ene semumu se se tsenyweng ke modemone. Ya re modemone o sena go kgaramelediwa ntle, semumu sa bua; mme batho ba gakgamala ba re: “Ga go ise go ke go bonwe se se ntseng jalo mo Iseraele.” Mme Bafarisai ba re: “O kgarameletsa medemone ntle ka molaodi wa medemone.” Jaanong Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a ntse a ruta mo disenagogeng tsa bone, a rera Efangele ya puso, a fodisa malwetse otlhe le makoa otlhe. Ya re a bona bontsi jwa batho, a ba tlhomogela pelo; gonne ba ne ba bogisegile, ba lapile jaaka dinku tse di se nang modisa. Ke fa a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba a tlhaela. Ka moo he, rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” Jaanong a ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e itshekologileng go e kgarameletsa ntle, le go fodisa malwetse le makoa otlhe. Maina a baapostolo ba ba 12 ke a: Wa ntlha ke Simone yo o bidiwang Petoro, le Andrea morwa-rraagwe; le Jakobo wa ga Sebeteo, le Johane morwa-rraagwe; le Filipo le Baretolomeo; le Thomase le Matheo, mokgethisi; le Jakobo wa ga Alefeo le Lebeo yo o bidiwang Thateo; le Simone wa Kana le Jutase Isekariote, yo e leng ene o mo tshwarisitseng. Bone ba ba 12 ba, Jesu o ne a ba roma, a ba laela a re: “Lo se ka lwa tsaya ditsela tse di yang baheitaneng, le e seng go tsena mo motseng ope wa Basamaria; mme bogolo lo ye kwa dinkung tse di timetseng tse e leng Baiseraele. Lo tsamae lo ntse lo rera lo re: ‘Puso ya Modimo e atametse.’ Fodisang balwetse, tsosang baswi, phepafatsang balepero, kgarameletsang medemone ntle. Lo amogetse fela, nayang fela! Se tseeng gouta, le fa e le selefera, le fa e le kgotlho mo meitlamong ya lona, le fa e le kgwatlha ya leeto, le fa e le dikobo tse pedi, le fa e le ditlhako, le fa e le tsamma; gonne modiri o tshwanetse go newa dijo. “Fa lo tsena mo motseng gongwe motsaneng, le fa e ka nna ofe, lo tlhotlhomise gore yo o tshwanetseng mo go ona ke mang. Lo nne teng go tsamae lo be lo tswe teng. E re lo tsena mo ntlong, lo dumedise! Fa e le ntlo e e tshwanetseng, a kagiso ya lona e tle mo go yona; mme fa e le e e sa tshwanelang, a kagiso ya lona e boele mo go lona. Le fa e le mang yo o sa lo tsholeng, le e seng go reetsa mafoko a lona, tswaang mo ntlong eo gongwe mo motseng oo, lo be lo itlhotlhore lorole mo dinaong. Ammaaruri ke lo raya ke re: E tla re ka letsatsi la katlholo petso ya motse oo e nne bogale go feta ya lefatshe la Sotoma le Gomora. “Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ka moo he, nnang botlhale jaaka dinoga, lo be lo nne ba nnete jaaka maeba. Itiseng mo bathong! Gonne ba tla lo neela mo makgotleng a magolo, ba lo seola mo disenagogeng tsa bone. Lo tla isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone le mo baheitaneng. E re fa ba lo isa mo tshekong, lo se ka lwa tshwenyega lwa re: ‘Re tla bua jang’ gongwe ‘re tla bua eng’; gonne ka nako eo lo tla newa se lo tla se buang; gonne ga e ne e nna lona ba lo buang, ke Mowa wa ga Rraeno o o buang ka lona. “Motho o tla neela morwa-rraagwe mo losong, le rra-motho ngwana wa gagwe; le bana ba tla tsogela batsadi ba bone, ba ba bolaisa batho. Lo tla tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tla pholosiwa. Mme a e re fa ba lo bogisa mo motseng ono, lo tshabele kwa go o mongwe; gonne ammaaruri ke lo raya ke re: Morwa-Motho o tla tla, lo ise lo fetse metse ya Iseraele. “Morutwa ga a fete moruti wa gagwe, le motlhanka ga a fete morena wa gagwe. Go lekanye gore morutwa a nne jaaka moruti wa gagwe, le gore motlhanka a nne jaaka morena wa gagwe. Fa mong wa ntlo a biditswe Beelsebule, kana ba ntlo ya gagwe ba tla bidiwa jalo bogolo jang ne! “Ka moo he, se ba boifeng; gonne ga go sepe se se bipilweng, se se se kitlang se senolwa, le fa e le se se fitlhegileng, se se se kitlang se itsiwe. Se ke se lo bolelelang mo lefifing, lo se bue mo leseding; le se lo se sebelwang, lo se utlwatse lo le mo godimo ga matlo. Le gona, lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; mme bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng wa molelo. A dirobele tse pedi ga di rekisiwe ka halfsent? Mme ga go sepe sa tsona se se welang fa fatshe kwa ntle ga go rata ga Rraeno. Mme le dithiri tsa ditlhogo tsa lona di badilwe tsotlhe. Ka moo, se boifeng; gonne lo gaisa dirobele di le dintsi. “Jaanong mongwe le mongwe yo o tla impolelang fa pele ga batho, le nna ke tla mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa magodimong. Mme yo o tla intatolang fa pele ga batho, le nna ke tla mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa magodimong. “Lo se gopole gore ke tsisitse kagiso mo lefatsheng; ga ke a tsisa kagiso, fa e se tšhaka. Gonne ke tsile go lotlhanya motho le rraagwe, morwadi le mmaagwe, ngwetsi le matsalaagwe. Mme ba ntlo ya motho e tla nna baba ba gagwe. “Yo o ratang rraagwe gongwe mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe gongwe morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela. Le yo o se tseyeng sefapaano sa gagwe, a ntshala morago, ga a ntshwanela. Yo o bolokang bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tla bo bona. “Yo o lo tsholang, o a ntshola; mme yo o ntsholang, o tshola yo o nthomileng. Yo o tsholang moporofeti, ka e le moporofeti, o tla bona tuelo ya moporofeti; le yo o tsholang mosiami, ka e le mosiami, o tla bona tuelo ya mosiami. Le yo o nosang mongwe wa ba babotlana ba metsi a a tsididi ka sego fela, ka e le ene morutwa, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.” E rile Jesu a sena go swetsa go laya barutwa ba gagwe ba ba 12, a tloga teng, a ya go ruta batho le go rera mo metseng ya bone. E rile Johane a le mo ntlong ya kgolegelo, mme a utlwela ditiro tsa ga Keresete, a roma barutwa ba gagwe ba le babedi, a mmotsa a re: “A ke wena yo o tlang, a kampo re lebelele o sele?” Jesu a ba araba a re: “Tsamayang lo bolelele Johane tse lo di utlwang le tse lo di bonang: Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele. Mme go sego yo o sa kgopisiweng ke nna.” Ya re bone ba tsamaya, Jesu a simolola go bua le batho ka ga Johane a re: “Lo ne lo tswela kwa sekakeng go bona eng? A e ne e le lotlhaka lo lo tshikinngwang ke phefo? Gape, lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le motho yo o apereng tse di boleta? Kana ba ba apereng tse di boleta ba mo matlong a dikgosi. Gape, lo ne lo tswela eng? A e ne e le go bona moporofeti? Ee, ke lo raya ke re: Yo e bile o mogolo go moporofeti. Gonne ke ene go kwadilweng ka ga gagwe ga twe: ‘Bona, ke roma morongwa wa me fa pele ga gago, yo o tla go baakanyetsang tsela.’ Ammaaruri ke lo raya ke re: Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go a tsoga ope yo o fetang Johane Mokolobetsi; mme yo mmotlana mo pusong ya magodimo o a mo feta. Go tloga mo malatsing a ga Johane Mokolobetsi go fitlha jaanong, puso ya magodimo e tlhaselwa ka thata, mme batlhasedi ba a e thopa. Gonne baporofeti botlhe le molao ba be ba bolelela pele go fitlha mo go Johane. Mme ke ene Elia yo o tshwanetseng go tla, fa lo rata go dumela jalo. Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe! “Batho ba gompieno ke tla ba tshwantsha le eng? Ba tshwana le bana ba ba ntseng mo dipatlelong, ba tlhaeletsa balekane ba bone ba re: ‘Re lo leleditse ditlhaka, mme ga lo a ka lwa bina; ra tlhaba difela tsa bohutsana, mme ga lo a ka lwa lela!’ Gonne go tsile Johane, a sa je, a sa nwe; mme ba bua ba re: ‘O na le modemone.’ Go tsile Morwa-Motho, a ja, a nwa; mme ba re: ‘Bonang motho yo e leng sejabele le monwi wa weine, tsala ya bakgethisi le baleofi!’ Mme botlhale bo atlholetswe ke bana ba jona.” Jaanong a simolola go kgoba metse e bontsi jwa dikgakgamatso tsa gagwe di dirilweng mo go yona, ka e se ka ya tlhabologa, a re: “A tatlhego ya gago wee, Gorasine! A tatlhego ya gago wee, Betsaita! Gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go lona, di ka bo di dirilwe mo Tiro le Sitone, ba ka bo ba sa bolo go ikwatlhaya, ba apere kgetse, ba ntse mo moloreng. Mme ke lo raya ke re: E tla re ka letsatsi la katlholo petso ya lona e nne bogale go feta ya Tiro le Sitone. Le wena Kaperenaume yo o godiseditsweng kwa legodimong, o tla digelwa kwa felong ga baswi. Gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go wena, di ka bo di dirilwe kwa Sotoma, o ka bo a sa ntse a eme le kajeno. Mme ke lo raya ke re: E tla re ka letsatsi la katlholo petso ya gago e nne bogale go feta ya lefatshe la Sotoma.” Ka nako eo Jesu a bua a re: “Ke a go boka, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka ò fitlhetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang dilo tse, mme ò di senoletse ba ba sa rutegang. Ee, Rara; gonne e ne e le kgatlhego ya gago gore go nne jalo. “Tsotlhe ke di neilwe ke Rre; ga go ope yo o itseng Morwa, fa e se Rara; le gona ga go ope yo o itseng Rara, fa e se Morwa, le yo Morwa o ratang go mo mo senolela. “Tlaang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang; nna ke tla lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute mo go nna; gonne ke bonolo le boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, morwalo wa me o botlhofo.” E rile ka nako eo Jesu a ralala masimo e le ka Sabata; barutwa ba gagwe ba bo ba tshwerwe ke tlala, ba simolola go kgetla diako le go ja. Ya re Bafarisai ba bona, ba mo raya ba re: “Bona, barutwa ba gago ba dira se se sa letlelelwang go dirwa ka Sabata.” A ba fetola a re: “A ga lo a buisa se Dafita o kileng a se dira, jale fa a tshwerwe ke tlala, ene le ba ba nang nae, ka fa o neng a tsena mo ntlong ya Modimo ka teng, a ja dinkgwe tsa tshupo tse a sa letlelelwang go di ja, le fa e le ba ba neng ba na nae, fa e se baperesiti fela? Kampo a ga lo ise lo buise mo molaong gore baperesiti ba tle ba itshepolole Sabata mo Tempeleng ka Sabata, mme ba se ke ba nne molato? Mme ke lo raya ke re: Yo o leng mogolo go feta Tempele o fano. Fa lo ka bo lo tlhalogantse gore ke go reng, fa go twe: ‘Ke batla kutlwelo-botlhoko, e seng setlhabelo,’ lo ka bo lo sa sekise ba ba se nang molato. Gonne le Sabata Morwa-Motho ke Morena wa yona.” Ya re a sena go tloga teng, a tsena mo senagogeng sa bone. Ga bo go le motho teng yo o nang le seatla se se omeletseng. Ba mmotsa ba re: “A go letleletswe go fodisa ka Sabata?” Ba re jalo gore ba tle ba mmee molato. A ba fetola a re: “Motho e ka nna mang mo go lona yo o nang le nku e le nngwe fela yo e ka reng e wetse mo mokoleng ka Sabata, a se ka a e tshwara, a e ntsha? Mme kana motho o gaisa nku thata jang ne! Ke ka moo go letleletsweng go dira se se molemo ka Sabata.” Ya baa gona o rayang motho yoo a re: “Otlolola seatla!” A se otlolola; sa boa sa fola sentle, sa nna jaaka se sengwe. Ke fa Bafarisai ba tswa, ba gakololana ka ga gagwe ka fa ba ka mmolayang ka teng. Ya re Jesu a lemoga, a tloga teng; mme ba bantsi ba mo sala morago, a ba fodisa botlhe. Mme a ba laela thata gore ba se ka ba mo tumisa, e le gore go tle go dirafale se se builweng ke Jesaya moporofeti, a re: “Bonang Motlhanka wa me yo ke mo itlhaoletseng; moratwi wa me, yo pelo ya me e natefelwang ke ene. Ke tla baya Mowa wa me mo go ene, mme o tla bolelela merafe tshiamo. Ga a kitla a omana, le fa e le go goa; ga go ope yo o tla utlwang lentswe la gagwe mo mebileng. Lotlhaka lo lo phitsegileng ga a kitla a lo roba, le mogala wa lobone o o takatakang ga a kitla a o tima, go ya a be a neele tshiamo phenyo. Mme merafe e tla solofela mo leineng la gagwe.” Jaanong ga tlisiwa go ene mongwe yo o tsenyweng ke modemone, e le sefofu le semumu; mme a mo fodisa, mo semumu se bileng sa bua, sa ba sa bona. Ke fa batho botlhe ba gakgamala ba re: “A jaana yo ga se Morwa Dafita?” E rile Bafarisai ba utlwa, ba re: “Yo ga a lelekele medemone ntle ka sepe fa e se ka Beelsebule, molaodi wa medemone.” Jaanong ya re ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a senyega, le motse mongwe le mongwe, gongwe ntlo e e ikgaogantseng ga e ka ke ya ema. Fa Satane a kgarameletsa Satane kwa ntle, o tla bo a ikgaogantse; jaanong bogosi jwa gagwe bo ka ema jang? Jaanong fa ke kgarameletsa medemone kwa ntle ka Beelsebule, bomorwaa-lona bone ba e kgarameletsa ntle ka mang? Ke ka ntlha ya moo ba tla nnang baatlhodi ba lona. Mme fa ke kgarameletsa medemone kwa ntle ka Mowa wa Modimo, foo puso ya Modimo e tla bo e tlile go lona. “Motho o ka tsena jang mo ntlong ya monna wa senatla, a thopa dithoto tsa gagwe, fa a sa golega senatla pele? Mme fa a sena go mo golega, ke gona o ka thopang tsa ntlo ya gagwe. “Yo o sa gogeng le nna o lwa le nna, le yo o sa phutheng le nna o a phatlalatsa. Ke ka moo ke lo rayang ke re: Sebe sengwe le sengwe le kgalo, batho ba ka di itshwarelwa; mme kgalo e e kgalang Mowa, yona ga e kitla e itshwarelwa. Le fa e le mang yo o tla buang lefoko le le nyefolang Morwa-Motho, o ka itshwarelwa; mme yo o tla buang le le nyefolang Mowa o o Boitshepo, ga a kitla a itshwarelwa mo metlheng eno le e seng mo go e e tlang. “Dirang gore setlhare se siame, foo le leungo la sona le tla siama; gongwe dirang gore setlhare e nne se se sa siamang, foo le leungo la sona e tla nna le le sa siamang; gonne setlhare se itsiwe ka leungo. Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo ka bua jang tse di molemo lo le bosula? Gonne molomo o bua tse di tletseng mo pelong. Motho yo o molemo o ntsha tse di molemo mo lohumong lo lo molemo; mme motho yo o bosula o ntsha tse di bosula mo lohumong lo lo bosula. “Ke lo raya ke re: Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tla le buang, ba tla ikarabela ka ga lone mo letsatsing la katlholo. Gonne o tla kaiwa mosiami ka mafoko a gago, gongwe o tla bonwa molato ka mafoko a gago.” Ke fa bangwe ba Baitsedikwalo le Bafarisai ba mo raya ba re: “Moruti, re rata go bona sesupo mo go wena.” A ba fetola a re: “Morafe o o bosula wa boaka o batla sesupo; ga o kitla o newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona moporofeti; gonne Morwa-Motho o tla nna mo teng ga lefatshe malatsi a mararo le masigo a mararo jaaka Jona a kile a nna mo mpeng ya leruarua malatsi a mararo le masigo a mararo. Banna ba Ninife ba tla ema ka letsatsi la katlholo, ba na le batho ba kajeno, ba ba bona molato; gonne bone ba ne ba ikwatlhaya ka ntlha ya thero ya ga Jona; mme itseng gore yo o fetang Jona o fano. Kgosi ya sesadi ya kwa borwa e tla nanoga ka letsatsi la katlholo, e na le batho ba kajeno, e ba bona molato; gonne yona e ne ya tswa kwa bokhutlong jwa lefatshe, ya tla go utlwa botlhale jwa ga Salomo; mme itseng gore yo o fetang Salomo o fano. “Mowa o o itshekologileng, e a re fa o dule mo mothong, o ralale mafelo a a se nang metsi, o batle tapologo, mme o se ke o e bone. Jaanong o re: ‘Ke tla boela kwa ntlong ya me e ke duleng mo go yona.’ E re o tla, o fitlhele e se na ope, e feetswe, e kgabisitswe. Foo o ye, o itseele mewa e sele e e supang, e e bosula go o feta, e be e tsene, e age teng; mme morago motho yoo a nne bosula go feta pele. Le batho ba ba bosula ba, ba tla dirafalelwa ke tse di ntseng jalo.” Ya re a sa ntse a bua le batho, mmaagwe le bomonnawe ba bo ba eme kwa ntle, ba batla go bua nae. Mongwe a mo raya a re: “Bona, mmaago le bomonnao ba eme kwa ntle, ba batla go bua nao.” A fetola yo o mmoleletseng a re: “Mmê ke mang, le bonnake ke bomang?” A ba a ntsha letsogo, a supa barutwa ba gagwe a re: “Bonang, mmê le bonnake ke ba. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa magodimong, ke ene nnake le kgaitsadiake le mmê.” Ka letsatsi leo Jesu a tswa mo ntlong a ya go nna fa letsheng. Jaanong ga phuthegela masomo a magolo a batho kwa go ene, mo o bileng a tsena mo mokorong, a nna teng; batho botlhe ba bo ba eme fa losing. Foo a bua dilo tse dintsi nabo ka ditshwantsho a re: “Reetsang, mojwadi o kile a ya go jwala. Ya re a ntse a jwala, ditlhaka dingwe tsa wela mo tseleng; mme dinonyane tsa tla, tsa di ja. Tse dingwe tsa wela mo lekgwaraneng fa go se nang mmu o montsi teng; tsa akofa tsa tlhaba, ka di se na mmu o o boteng. Ya re letsatsi le sena go tlhaba, tsa swaba; mme ya re ka medi e tlhoka boteng, tsa omelela. Tse dingwe tsa wela mo mitlweng; mme mitlwa ya gola ya di hupetsa. Tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, tsa ungwa, tse dingwe ga 100, tse dingwe ga 60, tse dingwe ga 30. “Yo o nang le ditsebe a a utlwe!” Jaanong barutwa ba tla, ba mmotsa ba re: “O buelang nabo ka ditshwantsho?” A araba a re: “Ke ka gonne lona lo neilwe go itse masaitsiweng a puso ya magodimo; bone ga ba a go newa. Gonne yo o nang le sengwe o tla newa, mme o tla nna le letlotlo; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa. Ke ka moo ke buang nabo ka ditshwantsho; gonne le fa ba bona, ga ba bone; le fa ba utlwa, ga ba utlwe, le e seng go tlhaloganya. Polelelopele ya ga Jesaya e a ba dirafalela e e reng: “ ‘Go utlwa lo tla utlwa, mme ga lo na go tlhaloganya; le go leba le tla leba, mme ga lo na go bona; gonne dipelo tsa morafe oo di thatafetse, ba kabetse ditsebe, ba buduladitse matlho, e se re gongwe ba lemoga ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka dipelo, mme ba sokologa, ka ba fodisa.’ “Mme matlho a lona a sego, ka gonne a a bona, le ditsebe tsa lona, ka gonne di a utlwa. Gonne ka nnete ke lo raya ke re: Baporofeti le basiami ba le bantsi ba ne ba eletsa go bona tse lo di bonang, mme ba se ka ba di bona, le go utlwa tse lo di utlwang, mme ba se ka ba di utlwa. “Jaanong he, utlwang setshwantsho sa mojwadi: E a re fa motho a utlwa Lefoko la puso, a sa le tlhaloganye, go tle yo-o-bosula, a phamole se se jwetsweng mo pelong ya gagwe; ke ene wa peo e e jwetsweng mo tseleng. Wa peo e e jwetsweng mo lekgwaraneng ke ene yo o utlwang Lefoko, a be a akofe a le tshole ka boitumelo. Mme ga a na modi ka kwa teng, ke wa sebakanyana fela; e re fa go tsoga patiko gongwe pogiso ka ntlha ya Lefoko, a akofe a kgopege. Wa peo e e jwetsweng mo mitlweng ke ene yo o utlwang Lefoko; mme tshwenyego ya metlha eno le tsietso ya khumo di hupetse Lefoko, le be le tlhoke leungo. Wa peo e e jwetsweng mo mmung o o siameng ke ene yo o utlwang Lefoko, a be a le tlhaloganye. Ke ene yo o ungwang, peo e nngwe e ungwe ga lekgolo, e nngwe ga 60, e nngwe ga 30.” A ba ruta ka setshwantsho se sengwe a re: “Puso ya magodimo e tshwana le motho yo o kileng a jwala peo e e siameng mo tshimong ya gagwe. Mme ya re batho ba robetse, mmaba wa gagwe a tla, a jwala mhoka mo gare ga mabele, a ba a tloga. Ya re mabele a sena go gola le go tsala, mhoka le ona wa itshupa. Jaanong batlhanka ba mong wa ntlo ba tla, ba mo raya ba re: ‘Morena, a ga o a jwala peo e e siameng mo tshimong ya gago? Mme jaanong mhoka o tswa kae?’ A ba raya a re: ‘Ke mmaba yo o dirileng jalo.’ Batlhanka ba mo raya ba re: ‘Fa go le jalo, a o rata gore re ye go o putuka?’ Mme a re: ‘Nnyaya, e ka re gongwe fa lo putuka mhoka, lwa o kumolela le mabele. Lesang, go gole mmogo go ya thobong; e tla re ka nako ya thobo ke ree barobi ke re: Phuthang mhoka pele, lo o bofe dingata go o fisa; mabele ona lo a phuthele kwa difaleng tsa me.’ ” A ba bolelela ka setshwantsho se sengwe a re: “Puso ya magodimo e tshwana le tlhaka ya peo ya mmasetete e motho a e tsereng, a e jwala mo tshimong ya gagwe, e e leng potlana mo dipeong tsotlhe; mme e re e sena go gola, e nne kgolo go feta merogo, e nne setlhare, mo dinonyane tsa leapi di a beng di tle, di age dintlhaga mo dikaleng tsa sona.” A boa a ba bolelela setshwantsho se sengwe gape a re: “Puso ya magodimo e tshwana le matlhabego a mosadi o a tsereng, a a tsenya mo bupeng jwa dielo di le tharo, jwa ba jwa bela jotlhe.” Tsotlhe tseo Jesu a di bua le batho ka ditshwantsho; ga a ka a bua sepe nabo, fa e se ka ditshwantsho, gore go dirafale se se builweng ke moporofeti a re: “Ke tla tumolola molomo wa me ka ditshwantsho; ke tla bolela dilo tse di sa leng di fitlhwa go tswa tlholegong ya lefatshe.” Jaanong Jesu a tlogela batho, a tsena mo ntlong. Barutwa ba gagwe ba ya go ene ba re: “Re phuthololele setshwantsho sa mhoka wa tshimo.” A araba a re: “Yo o jwalang peo e e siameng ke Morwa-Motho. Tshimo ke lefatshe; peo e e siameng ke bana ba puso; mhoka ke bana ba yo-o-bosula. Mmaba yo o o jwetseng ke Diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele. Jaanong go tla nna mo bokhutlong jwa lefatshe jaaka mhoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo: Morwa-Motho o tla roma baengele ba gagwe, ba tla phutha mo pusong ya gagwe botlhe ba ba kgopisang le ba ba dirang boikepo. Ba tla ba latlhela mo molelong o mogolo. Teng go tla nna selelo le phuranyo ya meno. Foo basiami ba tla phatsima jaaka letsatsi mo pusong ya ga Rraabo. Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe! “Gape, puso ya magodimo e tshwana le lohumo lo lo fitlhilweng mo tshimong lo motho o neng a lo bona, a ba a lo loba; mme ka go lo itumelela a ya a rekisa tsotlhe tse a nang natso, a reka tshimo eo. “Gape, puso ya magodimo e tshwana le moreki yo o batlang diperela tse dintle. Ya re a sena go bona perela nngwe e e tlhwatlhwa e kgolo, a ya a rekisa tsotlhe tse a nang natso, a e reka. “Gape, puso ya magodimo e tshwana le letloa le le digetsweng mo lewatleng, la gogoretsa mefuta yotlhe ya ditlhapi. Ya re le sena go tlala, ba le gogela kwa losing lwa lewatle; mme ba nna, ba tlhophela tse di siameng mo megopong, tse di sa jeweng ba di latlha. Go tla nna jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tla tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng. Ba tla ba latlhela mo molelong o mogolo; teng go tla nna selelo le phuranyo ya meno. “A lo tlhalogantse tsotlhe tseo?” Ba mo araba ba re: “Ee.” A ba raya a re: “Ka moo moitsedikwalo mongwe le mongwe yo o rutilweng tsa puso ya magodimo o tshwana le mong wa ntlo yo o ntshang tse dintšhwa le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.” Ya re Jesu a sena go wetsa ditshwantsho tseo, a tloga teng. E rile a fitlha kwa motseng wa ga gabo, a ba ruta mo senagogeng sa bone, mo ba bileng ba gakgamala ba re: “Yo, o tsere kae botlhale jo le dinonofo tse? A ga se ene morwa mmetli? Mmaagwe a ga a bidiwe Maria le bomonnawe Jakobo le Josefa le Simone le Juta? Le bokgaitsadie a ga ba nne le rona botlhe? Jaanong tsotlhe tse o di tsaya kae?” Mme ba kgopisega ka ga gagwe. Mme Jesu a ba raya a re: “Moporofeti ga a ke a tlhoka tlotlo gope fa e se mo lefatsheng la ga gabo le mo ntlong ya ga gabo.” Mme a se ka a dira ditiro tsa nonofo tse dintsi teng ka ntlha ya go sa dumeleng ga bone. Metlheng eo kgosi Herote a utlwela tumo ka ga Jesu, a ba a raya batlhanka ba gagwe a re: “Yo, ke Johane Mokolobetsi; o tsogile mo baswing, ke ka moo dinonofo di itshupang mo go ene.” Herote a re jalo, gonne o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe. Gonne Johane o ne a mo reile a re: “Ga o a letlelelwa go nna nae.” Mme le fa a ne a rata go mmolaya, a boifa batho; gonne ba ne ba mo kaya moporofeti. E rile ka letsatsi la botsalo jwa ga Herote, morwadia Herodia a bina fa pele ga bone, a kgatlha Herote. Ke ka moo a mo solofetsang ka ikano go mo naya se a tla se kopang, le fe e ka nna eng. Mme ya re a sena go tlhotlhelediwa ke mmaagwe, a re: “Nnaya fano tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi ka mogopo.” Jaanong kgosi ya hutsafala; mme ka ntlha ya maikano le ka ntlha ya ba ba ntseng nayo fa dijong ya laela gore a e newe. A ba a roma motlhanka go kgaola Johane tlhogo kwa ntlong ya kgolegelo. Mme tlhogo ya gagwe ya tsisiwa ka mogopo, ya newa morweetsana, mme ene a e isa kwa go mmaagwe. Barutwa ba gagwe ba tla, ba tsaya serepa, ba se fitlha, ba be ba tla ba bolelela Jesu. E rile a utlwa, a tloga teng ka mokoro, a ya a le nosi felong gongwe kwa sekakeng; mme ya re batho ba utlwa, ba mo latela ka dinao, ba tswa mo metseng. Ya re a tswa teng, a bona lesomo le legolo la batho, a ba tlhomogela pelo, a ba a fodisa balwetse ba bone. Ya re go le maitsiboa, barutwa ba gagwe ba ya go ene ba re: “Felo fa ke sekaka, mme lobaka lo setse lo fetile; naya batho tsela gore ba ye metsaneng, ba ithekele dijo.” Mme Jesu a ba fetola a re: “Ga go batlege gore ba tsamae; lona ba feng, ba je!” Bone ba re: “Fano ga re na sepe, fa e se dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi.” Ene a re: “Di tsiseng kwano go nna!” Ya re a sena go laela batho go nna mo bojannye, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala kwa legodimong, a leboga, a nathoganya dinkgwe, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho. Ba ja botlhe, ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di le 12. Ba ba jeleng e ka nna banna ba ba dikete tse tlhano, go sa balwe basadi le bana. Jaanong a akofa a kgola barutwa gore ba palame mokoro, ba mo etelele pele ba ye kwa moseja, ene a sa ntse a phatlalatsa batho. E rile a sena go naya batho tsela, a tlhatlogela kwa thabeng a le esi go rapela; ya re go le maitsiboa, a bo a le teng a le esi. Mme mokoro wa bo o setse o le mo gare ga letsha, o tshwenngwa ke makhubu; gonne ba ne ba tlhabaganye le phefo. Ya re ka tebelo ya bone ya bosigo a tla kwa go bone, a tsamaya mo godimo ga letsha. Ya re barutwa ba mmona a tsamaya mo godimo ga letsha, ba tshoga ba re: “Ke sedimo!” ba be ba kua ka ntlha ya poifo. Jesu a akofa a bua nabo a re: “Namatshegang! Ke nna, se boifeng!” Petoro a mo araba a re: “Morena, fa e le wena, ntaolela gore ke tle go wena mo godimo ga metsi.” Jesu a re: “Tlaya!” Petoro a fologa mo mokorong, a tsamaya mo godimo ga metsi, a ya kwa go Jesu. Mme ya re a bona phefo e e thata, a boifa, mme ka a simolola go nwela, a goa a re: “Morena, nkinola!” Jesu a akofa a ntsha letsogo, a mo tshwara, a mo raya a re: “Wena yo o tumelo e potlana, o ne o belaelelang?” Ya re ba sena go palama mokoro, phefo ya didimala. Mme ba ba mo mokorong ba mo obamela ba re: “Ammaaruri, o Morwa Modimo!” Ya re ba sena go tshela, ba fitlha kwa lefatsheng la Genesareta. Ya re banna ba felo foo ba mo lemoga, ba romela mo tikologong eo yotlhe; ke fa batho ba tsisa ba ba lwalang go ene, ba mo rapela gore ba ame kola fela ya kobo ya gagwe; mme botlhe ba ba neng ba e ama ba fola. Jaanong ga tla go Jesu Bafarisai le Baitsedikwalo, ba tswa kwa Jerusalema ba re: “Ke go reng, fa barutwa ba gago ba tlhokomologa ngwao ya bagolo? Ka gonne ga ba tlhape diatla, fa ba ja.” Ene a ba araba a re: “Ke go reng, fa le lona lo tlola taolo ya Modimo ka ntlha ya ngwao ya lona? Gonne Modimo o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago.’ Gape wa re: ‘Yo o hutsang rraagwe gongwe mmaagwe, o na le go swa.’ Mme lona lo a re: ‘Fa motho a raya rraagwe gongwe mmaagwe a re: Se nka bong ke go thusa ka sona, se abetswe Modimo,’ ga go batlege gore a tlotle rraagwe gongwe mmaagwe ka gope. Lo dirolotse Lefoko la Modimo ka ntlha ya ngwao ya lona. Baikaketsi ke lona! Jesaya o boleletse pele sentle ka ga lona a re: “ ‘Batho ba, ba ntlotla ka melomo, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna. Mme ba nkobamelela lefela, ka ba ruta dithuto tse e leng ditaelo tsa batho.’ ” Jaanong a ipiletsa batho, a ba raya a re: “Utlwang lo tlhaloganye: Se se tsenang ka legano ga se sona se se itshekololang motho; mme se se tswang ka molomo ke sona se se itshekololang motho.” Ke fa barutwa ba tla go ene, ba mo raya ba re: “A o itse gore e rile Bafarisai ba utlwa lefoko leo, ba kgopega?” A araba a re: “Setlhatshana sengwe le sengwe se Rre wa legodimo o sa se tlhomang, se tla kumolwa ka medi. Ba leseng; ke difofu tse di gogang difofu. Mme fa sefofu se goga sefofu, di tla wela mmogo mo kgatamping.” Petoro a mo fetola a re: “Re ranolele setshwantsho se.” Ene a re: “A le lona lo sa ntse lo tlhoka tlhaloganyo? A ga lo lemoge gore tsotlhe tse di tsenang ka legano di fetela mo mpeng, di be di ye go latlhelwa kwa ntle? Mme tse di tswang ka molomo di tswa mo pelong; ke tsona tse di itshekololang motho; gonne mo pelong go tswa dikakanyo tse di bosula, e bong dipolao le tsa boikanyologo jwa banyalani le tsa boaka le tsa bogodu le ditshupo tsa maaka le dikgalo. Ke tsona tse di itshekololang motho. Mme go ja ka diatla tse di sa tlhapiwang ga go itshekolole motho.” Foo Jesu a tloga teng, a ya ntlheng ya Tiro le Sitone. Mme teng ga tla mosadi wa Mokanana wa naga eo, a goa a re: “Nkutlwela botlhoko, Morena, Morwa Dafita! Morwadiake o tshwenngwa thata ke modemone.” Mme a se ka a mo araba ka lefoko lepe. Barutwa ba gagwe ba tla go ene, ba mo rapela ba re: “Dira gore a tsamae; gonne o re goeletsa morago.” A fetola a re: “Ga ke a rongwa gope, fa e se kwa dinkung tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele.” Ke fa mosadi a tla, a mo obamela a re: “Morena, nthusa!” Jesu a araba a re: “Ga go a tshwanela go tsaya senkgwe sa bana go se latlhela dintšwanyana.” Ene a fetola a re: “Ee, Morena, gonne le tsona dintšwanyana di a tle di je matlhotlhora a a wang mo tafoleng ya beng ba tsona.” Foo Jesu a mo araba a re: “Mosadi, tumelo ya gago e kgolo! A go go dirafalele ka fa o eletsang ka teng.” Mme morwadie a fola e sa le ka nako eo. Jesu a tloga teng, a ya fa letsheng la Galelea, a ba a tlhatlogela mo thabeng, a nna teng. Foo ga tla go ene masomo a magolo a batho, ba na le batlhotsi le digole le difofu le dimumu le balwetse ba bangwe ba le bantsi, ba ba baya fa dinaong tsa gagwe, mme a ba fodisa, mo batho ba bileng ba gakgamala, ka ba bona dimumu di bua, le digole di fodile, le batlhotsi ba tsamaya, le difofu di bona, ba be ba galaletsa Modimo wa Iseraele. Foo Jesu a ipiletsa barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhomogela batho ba pelo, ka gonne ba setse ba tlhotse le nna malatsi a mararo, ba se na se ba ka se jang. Mme ga ke rate go ba phatlalatsa ka tlala, e se re gongwe ba felelwa ke thata mo tseleng.” Barutwa ba mo raya ba re: “Re ka bona kae dinkgwe mono sekakeng, tse di ka lekanang go kgorisa bontsi jo bo kanakana?” Jesu a ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di a supa, le ditlhatswana di se kae.” Ya re a sena go laela batho gore ba nne fa fatshe, a tsaya dinkgwe tse di supang le ditlhapi, a leboga, a di nathoganya, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho. Ba be ba ja botlhe, ba a kgora; ba sela masadisa, a tlala diroto tse di supang. Ba ba jeleng e ne e le banna ba ba dikete tse nne, go sa balwe basadi le bana. Ya re a sena go naya batho tsela, a palama mokoro, a ya kwa nageng ya Magatala. Jaanong Bafarisai le Basadukai ba tla go ene, ba mo raela, ba mo kopa gore a ba supetse sesupo se se tswang legodimong. Mme a ba fetola a re: “E a re fa go le maitsiboa, lo re: ‘Go tla tsoga go anogile; gonne legodimo le lehibidu.’ E re mo mosong lo re: ‘Go tla tlhola go le letlololo; gonne legodimo le lehibidu le bontsho.’ Fa e le ponalo ya legodimo, lo itse go e farologanya; mme ditshupo tsa dipaka tsona, a di a lo palela? Morafe o o bosula wa boaka o batla sesupo; mme ga o kitla o newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona.” Mme a ba tlogela foo, a tsamaya. E rile barutwa ba fitlha kwa moseja, ba bo ba lebetse go tsaya dinkgwe. Jesu a ba raya a re: “Tlhokomelang, lo bo lo itise mo matlhabegong a Bafarisai le a Basadukai!” Jaanong ba gopotsanya ba re: “O raya ka gore ga re a tsaya dinkgwe.” Mme Jesu a itse, a ba raya a re: “Lona ba tumelo e potlana, ke eng fa lo gopotsanya gore ke ka gonne lo se na dinkgwe? A ga lo ise lo lemoge sepe, le fa e le go gakologelwa dinkgwe tse tlhano tsa ba ba dikete tse tlhano le ditlatla di le kae tse lo di bonyeng? Le fa e le dinkgwe tse di supang tsa ba ba dikete tse nne le diroto di le kae tse lo di bonyeng? Ke ka ntlhang fa lo sa lemoge gore ke ne ke sa bue le lona ka ga dinkgwe? Mme ka re: Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai le a Basadukai!” Ke fa ba tlhaloganya gore o ne a sa ree go itisa mo matlhabegong a senkgwe, mme a raya thuto ya Bafarisai le ya Basadukai. E rile Jesu a fitlha mo ntlheng ya Kaisarea-Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re: “Batho ba re, Morwa-Motho ke mang?” Ba re: “Bangwe ba re, ke Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re, ke Elia; ba bangwe gape ba re, ke Jeremia gongwe yo mongwe wa baporofeti.” A ba a ba botsa a re: “Mme lona lo a re, nna ke mang?” Simone Petoro a araba a re: “O Keresete Morwa Modimo o o phelang.” Mme Jesu a mo raya a re: “O sego, Simone, morwa Jona; ka gonne ga se nama le madi tse di go senoletseng moo, mme ke Rre yo o kwa magodimong. E bile ke go raya ke re: O Petoro, mme ke tla aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dikgoro tsa felo ga baswi ga di kitla di e fenya. Ke tla be ke go neele dilotlele tsa puso ya magodimo; sengwe le sengwe se o tla se bofang mo lefatsheng, se tla bo se bofilwe kwa magodimong; mme se o tla se bofololang mo lefatsheng, se tla bo se bofolotswe kwa magodimong.” Jaanong a laya barutwa ba gagwe gore ba se ka ba bolela ope, fa ene e le Keresete. Go tloga foo Jesu Keresete a simolola go sedimosetsa barutwa ba gagwe gore o tshwanetse go ya kwa Jerusalema, le go bogisiwa ka tse dintsi ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsosiwa ka letsatsi la boraro. Petoro a mo tseela kwa thoko, a simolola go mo kgalemela a re: “Morena, a Modimo o thibele moo! Go se ka ga go dirafalela jalo!” Mme Jesu a retologa, a raya Petoro a re: “Ntlogele ò mpote morago, Satane! O sekgopi mo go nna; gonne ga ò gopole tsa Modimo, ò gopola tsa batho.” Ke fa Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago; gonne yo o ratang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tla bo bona. Gonne motho go ka mo thusang, le fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme a senyegelwa ke bophelo jwa gagwe jwa nnete? Gongwe motho o ka ntsha eng go nna segololo sa bophelo jwa gagwe? Kana Morwa-Motho o tla tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; mme foo o tla busetsa mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe. Ammaaruri ke lo raya ke re: Go na le bangwe ba bone ba ba emeng fa, ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope ba ise ba bone Morwa-Motho a tla ka puso ya gagwe.” Morago ga malatsi a marataro Jesu a tsaya Petoro le Jakobo le Johane, morwa-rraagwe, a tlhatlogela nabo mo thabeng e e kwa godimo ba le bosi. Foo a fetoga setshwano fa pele ga bone; sefatlhego sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi. Ke fa Moše le Elia ba bonala fa go bone, ba bua nae. Mme Petoro a simolola go bua, a raya Jesu a re: “Morena, go monate mo go rona go nna fano; fa ò rata, ke tla dira metlaagana e meraro fano, o mongwe e nne wa gago, o mongwe wa ga Moše, o mongwe wa ga Elia.” Ya re a sa ntse a bua, leru le le lesedi la ba ritifalela ka tshoganyetso, le lentswe la tswa mo lerung la re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang; mo utlweng!” Ya re barutwa ba le utlwa, ba wela fa fatshe ka difatlhego, ba boifa segolo. Foo Jesu a tla, a ba ama a re: “Tsogang, se boifeng!” Ya re ba tsholetsa matlho, ba se ka ba bona ope, fa e se Jesu a le esi. Ya re ba fologa mo thabeng, Jesu a ba laela a re: “Lo se ka lwa bolelela ope pono e, go tsamaya Morwa-Motho a tsosiwe mo baswing.” Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Ke go reng, fa Baitsedikwalo ba re, Elia o tshwanetse go tla pele?” Mme a araba a re: “Ka nnete Elia o e tla, o tla tsosolosa tsotlhe. Mme ke lo raya ke re: Elia o setse a tsile, mme ga ba a ka ba mo itse, ba dirile ka ene ka fa ba ratileng ka teng. Morwa-Motho le ene ba tla mmogisa jalo.” Ke fa barutwa ba gagwe ba tlhaloganya gore o bua nabo ka ga Johane Mokolobetsi. E rile ba sena go fitlha kwa bathong, ga tla motho mongwe kwa go ene, a mo khubamela a re: “Morena, utlwela morwaake botlhoko; gonne o a karalala, o bogisega thata; ke gantsi a wela mo molelong le gantsi mo metsing. Ke ne ke mo tlisitse kwa barutweng ba gago, mme ba paletswe ke go mo fodisa.” Jesu a fetola a re: “A batho ba ba sa dumeleng, ba ba kgopo! Kana ke tla nna le lona go fitlhelela leng? Ke tla lo itshokela goleele go le kae? Mo tsiseng kwano go nna!” Foo Jesu a kgalemela modemone, wa tswa mo go ene, mme mosimane a fola e sa le ka nako eo. Jaanong barutwa ba tla kwa go Jesu kwa thoko ba re: “Ke go reng, fa rona re reteletswe ke go o kgarameletsa ntle?” A ba raya a re: “Ke ka gore lo tlhoka tumelo; gonne ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo na le tumelo, le fa e le e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete fela, lo ka raya thaba e lo a re: ‘Tloga fa, o ye fale!’ mme e tla ya, go se na sepe se se ka lo palelang. Mme mofuta o ga o tswe, fa e se ka thapelo le ka go itima dijo.” Ya re ba ntse ba kopana mo Galelea, Jesu a ba raya a re: “Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho. Ba tla mmolaya; mme o tla tsosiwa ka letsatsi la boraro.” Foo ba hutsafala thata. E rile ba sena go fitlha kwa Kaperenaume, ba ba amogelang lekgetho la Tempele ba tla kwa go Petoro ba re: “A moruti wa lona ga a ntshe lekgetho la Tempele?” Ene a re: “Nnyaya, o a le ntsha.” Ya re a tsena mo ntlong, Jesu a mo raka ka puo a re: “O gopolang, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela makgetho a kgwebo gongwe a tlhogo ya motho mo go bomang? A ke mo go bomorwaa-tsona gongwe mo bathong ba bangwe?” Mme ya re a re: “Mo bathong ba bangwe,” Jesu a mo raya a re: “Fa go le jalo, bomorwa ba gololesegile. Le gale a re se ba kgopise; yaa kwa letsheng, ò latlhele kobe mo teng, mme tlhapi e ò e tshwarang pele, o e tsee, ò e atlhamolose; ò tla fitlhela ledi la selefera; le tsee, ò le ba neele, e nne lekgetho la me le la gago.” Ka nako eo barutwa ba ne ba tla go Jesu ba re: “Yo mogolo mo pusong ya magodimo ke mang?” Foo a ipiletsa ngwana, a mmaya mo gare ga bone a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo sa fetoge, lwa nna jaaka bana, ga lo ka ke lwa tsena mo pusong ya magodimo ka gope. Ka moo, mongwe le mongwe yo o tla ingotlang jaaka ngwana yo, ke ene yo mogolo mo pusong ya magodimo. Yo o tsholang ngwana mongwe yo o ntseng jalo ka leina la me, o tshola nna. “Mme yo o kgopisang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go molemo mo go ene gore lelwala le legolo le golegelelwe mo molaleng wa gagwe, a be a nwediwe mo botennye jwa lewatle. Ijoo lefatshe ka ntlha ya dikgopiso! Dikgopiso di tshwanetse go tla; fela a tatlhego ya motho wee yo kgopiso e tlang ka ene! “Fa seatla gongwe lonao lwa gago lo go kgopisa, o di kgaole, o di latlhe; go molemo mo go wena go tsena mo bophelong o le segole gongwe setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo molelong o o sa khutleng, o na le diatla tse pedi gongwe dinao tse pedi. Gape fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; go molemo mo go wena go tsena mo bophelong o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo, o na le matlho a mabedi. “Itiseng gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke lo raya ke re: Baengele ba bone kwa magodimong ba bona ka gale sefatlhego sa ga Rre yo o kwa magodimong. Gonne Morwa-Motho o tsile go pholosa se se latlhegileng. “Lo gopolang? Fa motho mongwe a na le dinku di le lekgolo, mme nngwe ya tsona e timela, a ga ke re o tla tlogela tse di 99 kwa dithabeng, a ya go batla e e timetseng? Mme fa a ka e bona, ruri, ke lo raya ke re: O tla itumelela bogolo go tse di 99 tse di se kang tsa timela. Fela jalo le ene Rraeno yo o kwa magodimong ga a rate gore ope wa ba babotlana ba a latlhege. “Fa mokaulengwe wa gago a go leofela, yaa ò mo kgalemele, lo le babedi fela. Fa a ka go utlwa, ò tla bo o iponetse mokaulengwe. Fa a sa utlwe, tsaya mongwe gongwe babedi nao gore lefoko lengwe le lengwe le tlhomamisiwe ka melomo ya basupi ba babedi gongwe ba bararo. Fa a gana go ba utlwa, o bolelele phuthego; fa a gana go utlwa le yona phuthego, a nne jaaka moheitane le mokgethisi mo go wena. “Ammaaruri ke lo raya ke re: Sengwe le sengwe se lo tla se bofang mo lefatsheng, se tla bo se bofilwe kwa legodimong; le se lo tla se bofololang mo lefatsheng, se tla bo se bofolotswe kwa legodimong. “Gape ke lo raya ke re: Fa ba le babedi ba lona ba ka dumalana mo lefatsheng ka ga sengwe se ba tla se kopang, le fa e ka nna eng, ba tla se direlwa ke Rre yo o kwa magodimong; gonne kwa ba le babedi gongwe ba le bararo ba phuthegetseng teng mo leineng la me, foo ke teng mo gare ga bone.” Ke fa Petoro a atamela, a mo raya a re: “Morena, mokaulengwe wa me o ka nteofela ga kae, ke ntse ke mo itshwarela? A e ka nna gasupa?” Jesu a mo raya a re: “Ke go raya ke re: E seng gasupa, mme e nne ga 70 gasupa. Ka moo puso ya magodimo e tshwana le motho yo e leng kgosi e e neng e rata go tlhatlhoba mesuga le batlhanka ba yona. Ya re e simolola go tlhatlhoba, ga tsisiwa mongwe yo o mosuga nayo ditalente di le dikete tse some. Mme ya re ka a palelwa ke go lefa, morena a laola gore a rekisiwe le mosadi le bana le tsotlhe tse o nang natso, gore go duelwe mesuga. Motlhanka yoo a wela fa fatshe, a mo khubamela a re: ‘O nne pelotelele le nna, ke tla go duela tsotlhe.’ Morena wa motlhanka yoo a tlhomoga pelo, a mo golola, a mo itshwarela molato. “Jaanong motlhanka yoo a tswa, a kopana le yo mongwe wa batlhanka-ka-ene, yo o mosuga nae diranta di le some, a mo tshwara, a mmeta a re: ‘Lefa molato wa gago!’ Motlhanka-ka-ene a wela fa fatshe, a mo rapela a re: ‘O nne pelotelele le nna, ke tla go lefa tsotlhe.’ Mme a gana, a ya a mo latlhela mo ntlong ya kgolegelo, go tsamaya a lefe molato. Ya re batlhanka-ka-ene ba bona tse di dirafetseng, ba hutsafala thata, ba tla ba begela morena wa bone tsotlhe tse di dirafetseng. Ke fa morena wa gagwe a mmitsa, a mo raya a re: ‘Motlhanka yo o bosula ke wena! Ke go itshwaretse molato ole otlhe, ka ò nthapetse. Le wena, a e ne e se tshwanelo ya gago go utlwela motlhanka-ka-wena botlhoko, jaaka le nna ke go utlwetse botlhoko?’ Mme morena wa gagwe a tuka bogale, a mo neela batlhokofatsi, go tsamae a lefe molato otlhe. “Rre wa legodimo le ene o tla direla jalo mongwe le mongwe wa lona yo o sa itshwareleng mokaulengwe wa gagwe ka pelo yotlhe.” E rile Jesu a sena go wetsa mafoko ao, a tloga kwa Galelea, a ya kwa nageng ya Jutea ka tsela e e kwa moseja ga Joretane. Masomo a magolo a batho a mo sala morago, mme a ba fodisa teng. Jaanong ga tla Bafarisai go ene, ba mo lalela ba re: “A go letleletswe motho go tlhala mosadi wa gagwe ka ntlha ya sengwe le sengwe?” A araba a re: “A ga lo a buisa gore Mmopi o ba dirile monna le mosadi mo tshimologong? A ba a re: ‘Ke ka ntlha ya moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe, mme ba babedi bao ba tla nna nama e le nngwe fela?’ Ka moo, ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe fela. Jaanong se Modimo o se kopantseng, a motho a se se kgaoganye.” Ba mo raya ba re: “Mme ke go reng, fa Moše a laotse gore go ntshiwe lokwalo lwa tlhalo le go tlhala?” A ba fetola a re: “Moše o lo leseleditse go tlhala basadi ba lona ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona; mme go tswa kwa tshimologong go ne go sa nna jalo. Mme nna ke lo raya ke re: Motho yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, a ba a nyala o sele, o senya kgolagano ya nyalo; le yo o mo nyalang a sena go tlhalwa, o senya kgolagano ya nyalo.” Barutwa ba mo raya ba re: “Fa go ntse jalo ka ga monna le mosadi, go tla bo go se molemo go nyala.” A ba raya a re: “Ga se botlhe ba ba tlhaloganyang lefoko le, fa e se ba ba neilweng go le tlhaloganya. Gonne go na le ba ba sa eletseng go nyala, ka ba tsetswe jalo; e bile go na le ba ba palelwang ke go nyala, ka ba dirilwe jalo ke batho; gape go na le ba ba ikiletsang nyalo ka ntlha ya puso ya magodimo. Yo o nonofileng go tlhaloganya a a tlhaloganye!” Jaanong ga tsisiwa bana go ene gore a ba bee diatla le go ba rapelela. Mme barutwa ba ba kgalemela. Jesu a re: “Lesang bana, lo se ba iletse go tla go nna; gonne puso ya magodimo ke ya ba ba ntseng jalo.” Jaanong ya re a sena go ba baya diatla, a tloga teng. Jaanong mongwe a tla go ene a re: “Moruti, nka dirang se se molemo gore ke bone bophelo jo bo sa khutleng?” A mo araba a re: “O mpoletsang ka ga se se molemo? Yo o molemo ke a le mongwe fela; mme fa o rata go tsena mo bophelong, tshegetsa ditaolo.” A mmotsa a re: “Ke dife?” Jesu a re: “Ke tse: O se ka wa bolaya; o se ka wa dira boaka; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; tlotla rraago le mmaago; gape: Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.” Lekau la mo raya la re: “Tsotlhe tse ke di tlhokometse; ke sa tlhoka eng?” Jesu a mo araba a re: “Fa o rata go nna yo o tletseng, yaa o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa magodimong; o be o tle, o ntshale morago!” Ya re lekau le utlwa lefoko le, la tsamaya le hutsafetse; gonne le ne le na le dithuo tse dintsi. Foo Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Mohumi o tla tsena mo pusong ya magodimo ka bothata. Gape, ke lo raya ke re: Go botlhofo go kammele go tsena ka letshoba la lomao bogolo go mohumi go tsena mo pusong ya Modimo.” Ya re barutwa ba utlwa, ba rerega thata ba re: “Fa go ntse jalo, go ka pholosiwa mang?” Jesu a ba leba, a ba raya a re: “Seo mo bathong se padile; mme mo Modimong tsotlhe di ka dirafala.” Jaanong Petoro a mo fetola a re: “Bona, rona re tlogetse tsotlhe, ra go sala morago; re tla boelwa ke eng?” Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: E tla re mo bontšhwafatsong, fa Morwa-Motho a nna mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe, le lona ba lo ntatetseng lo nne mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo buse ditso di le 12 tsa Iseraele. Le mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo gongwe bomorwa-rraagwe gongwe bokgaitsadie gongwe rraagwe gongwe mmaagwe gongwe bana gongwe masimo ka ntlha ya leina la me, o tla amogela bontsi jo bo fetang tseo, a ba a ja boswa jwa bophelo jo bo sa khutleng. Mme ba bantsi ba pele e tla nna ba morago, le ba morago e nne ba pele. “Gonne puso ya magodimo e tshwana le motho yo e leng mong wa ntlo, yo o phaketseng, a ya go thapela tshimo ya gagwe ya moweine badiri. Ya re a sena go dumalana le badiri ka ranta e le nngwe ka letsatsi, a ba romela kwa tshimong ya gagwe ya moweine. Ya re a tswa, e ka nna ka nako ya borobongwe, a fitlhela ba bangwe ba eme mo patlelong, ba sa dire sepe. Le bone a ba raya a re: ‘Le lona yaang kwa tshimong ya moweine, mme se se siameng ke tla se lo naya.’ Mme ba ya. A tswa gape, e ka nna ka nako ya motshegare le ya boraro, a dira fela jalo. Ya re e ka nna nako ya botlhano a tswa a fitlhela ba bangwe ba eme fela; a ba raya a re: ‘Lo emetseng fano letsatsi lotlhe, lo sa dire sepe?’ Ba mo fetola ba re: ‘Ke ka gonne ga go na ope yo o re thapileng.’ A ba raya a re: ‘Le lona yaang kwa tshimong ya moweine; mme se se tshwanetseng lo tla se bona.’ “Ya re go le maitsiboa, morena wa tshimo ya moweine a raya motlameledi wa gagwe a re: ‘Bitsa badiri, o ba amogedise dituelo tsa bone, o simolole ka ba morago, o fetse ka ba ntlha.’ Ya re go tla ba nako e e ka nnang ya botlhano, mongwe le mongwe a amogela ranta e le nngwe. Ya re ba ntlha ba tla, ba itlhoma gore ba tla amogela bogolo; mme le bone mongwe le mongwe a amogela ranta e le nngwe. Ya re ba e amogela, ba ngongoregela mong wa ntlo ba re: ‘Bao ba morago ba dirile nako e le nngwe fela, mme o ba lekantse le rona, ba re itshoketseng letsapa la letsatsi le mogote.’ “Ene a fetola mongwe wa bone a re: ‘Tsala, ga ke go siamololele; a ga o a dumelana le nna ka ranta e le nngwe? Tsaya se e leng sa gago, o tsamae; ke rata go naya yo wa morago fela jaaka ke go neile. A ga ke a letlelelwa go dira se ke se ratang ka tsa me? A kampo leitlho la gago le bosula, ka ke le molemo?’ “Ka mokgwa o o jalo ba morago ba tla nna ba ntlha le ba ntlha ba morago; gonne ba ba biditsweng ba bantsi, mme ba ba tlhaotsweng ga ba banene.” E rile Jesu a rata go ya kwa Jerusalema, a tsaya barutwa ba ba 12 ba le bosi, mme ya re ba le mo tseleng, a ba raya a re: “Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema; mme Morwa-Motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, mme ba tla mo atlholela loso. Ba tla mo neela baheitane go sotlwa le go seolwa le go bapolwa; mme o tla tsosiwa ka letsatsi la boraro.” Ke fa go tla go ene mma-bomorwa Sebeteo, a na le bomorwawe, a mo obamela, a mo kopa sengwe. Jesu a mmotsa a re: “O batlang?” A mo araba a re: “Bua gore bomorwaake ba babedi ba, ba go tsenye gare, mongwe a dule ka fa letsogong la gago le le jang, yo mongwe ka fa go la molema mo pusong ya gago.” Jesu a fetola a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo nonofile go nwa senwelo se ke yang go se nwa le go kolobediwa ka kolobetso e ke yang go kolobediwa ka yona?” Ba mo raya ba re: “Re nonofile.” A ba raya a re: “Fa e le senwelo sa me, lo tla se nwa, le kolobetso e ke yang go kolobediwa ka yona, lo tla kolobediwa ka yona; mme go nna ka fa letsogong la me le le jang le ka fa go la molema ga se ga me go go naya, go tla newa bone ba ba go baakanyeditsweng ke Rre.” Ya re ba ba lesome ba utlwa, ba gakalela bakaulengwe ba babedi bao. Mme Jesu a ba bitsa, a ba raya a re: “Lo itse gore balaodi ba merafe ba a e busa, le ba bagolo ba e laola ka thata. Mo go lona ga go ne go nna jalo; mme yo o ratang go nna mogolo mo go lona a a nne modiredi wa lona. Le gona, yo o ratang go nna wa ntlha mo go lona, a a nne motlhanka wa lona; fela jaaka Morwa-Motho a sa tla go direlwa, mme e le go direla le go neela botshelo jwa gagwe losong go nna kgololo ya ba bantsi.” E rile ba tswa mo Jerigo, bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo sala morago. Mme difofu di le pedi tsa bo di ntse fa tseleng. Ya re di utlwa gore Jesu o a feta, tsa goa tsa re: “Morena, re utlwele botlhoko, wena Morwa Dafita!” Foo batho ba ba kgalemela gore ba didimale; mme ba goa bogolo ba re: “Morena, re utlwele botlhoko, wena Morwa Dafita!” Jesu a ema, a ba bitsa a re: “Lo rata ka lo direla eng?” Ba mo raya ba re: “Morena, a matlho a rona a foufololwe.” Jesu a tlhomoga pelo, a ama matlho a bone; ba akofa ba bona, ba be ba mo sala morago. E rile ba atamela Jerusalema, ba fitlha kwa Bethefage fa Thabeng ya Diolefa, foo Jesu a roma barutwa ba le babedi, a ba raya a re: “Yaang kwa motsaneng o lo lebaganyeng nao; lo tla akofa lo fitlhela esele e golegilwe, e na le eselana; di gololeng, lo di tsise kwano go nna. Mme fa mongwe a bua sengwe le lona, lo re: ‘Morena o a di batla;’ mme o tla akofa a di romela.” Mme tsotlhe tse, di ne di dirafala gore go dirafale se se builweng ke moporofeti a re: “Bolelelang Morwadia Sione lo re: ‘Bona, Kgosi ya gago e tla go wena, e le bonolo, e palame esele, e bong eselana, ngwana wa esele.’ ” Barutwa ba ya, ba dira fela ka fa Jesu a ba laetseng ka teng. Ba tsisa esele le eselana, ba baya dikobo tsa bone mo go tsona, mme Jesu a e palama. Foo bontsi jwa batho jwa ala dikobo tsa bone mo tseleng; mme ba bangwe ba kgaola dikala mo ditlhareng, ba di ala mo tseleng. Mme batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba mo setseng morago ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana go Morwa Dafita! Go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; Hosana mo magodimodimong!” E rile a tsena mo Jerusalema, motse otlhe wa huduega wa re: “Yo ke mang?” Mme bontsi jwa batho jwa araba jwa re: “Ke ene moporofeti Jesu yo o tswang kwa Nasaretha wa Galelea.” Jaanong Jesu a tsena mo Tempeleng, a feta a leleka botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo Tempeleng, a menola ditafole tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi, a ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo;’ mme lona lo e dirile mongobo wa dinokwane.” Foo difofu le batlhotsi ba tla go ene mo Tempeleng, mme a ba fodisa. Ya re baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba bona dikgakgamatso tse o di dirang, le bana ba ba opang mokgosi mo Tempeleng ba re: “Hosana go Morwa Dafita!” ba gakala, ba mo raya ba re: “A o utlwa se bao ba se buang?” Jesu a ba fetola a re: “Ee; a ga lo ise lo ke lo buise se se reng: ‘O ipaakanyeditse pako ka melomo ya masea le ya ba ba anyang’?” Mme a ba tlogela, a tswa mo motseng, a ya kwa Bethania, a lala teng. Ya re ka moso phakela, fa a boela kwa motseng, a tshwarwa ke tlala. Ya re a bona mofeie fa tseleng, a ya kwa go ona; mme a se ka a fitlhela sepe mo go ona, fa e se matlhare fela. Foo a o raya a re: “A go se tlhole go ungwa leungo lepe mo go wena go ya bosakhutleng!” Mme mofeie wa akofa wa omelela. Ya re barutwa ba bona, ba gakgamala ba re: “Kana mofeie o omeletse ka bonako jang?” Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo na le tumelo, lo sa belaele, lo ka dira, e seng fela se se diretsweng mofeie; mme fa lo ka raya thaba e lo a re: ‘Itsholetse o itigele mo lewatleng,’ go ka dirafala. Le tsotlhe tse lo ka di kopang mo thapelong ka go dumela, lo tla di amogela.” E rile a sena go tsena mo Tempeleng, mme a ruta, baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba tla go ene ba re: “Dilo tse o di dira ka thata efe? Ke mang yo o go neileng thata e?” Mme Jesu a ba fetola a re: “Le nna ke tla lo botsa lefoko le le lengwe fela; fa lo ka le mpolelela, le nna ke tla lo bolelela thata e ke dirang dilo tse ka yona: Kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kae, a ke kwa legodimong, gongwe mo bathong?” Foo ba akanya ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re raya a re: ‘Mme ke eng, fa lo ne lo sa mo dumele?’ Mme fa re ka re: ‘Mo bathong,’ re boifa batho; gonne botlhe ba kaile Johane moporofeti.” Jaanong ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.” Le ene a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele thata e ke dirang dilo tse ka yona. “Lo gopolang? Motho mongwe o ne a na le bomorwa ba le babedi; mme a ya kwa go wa ntlha a re: ‘Ngwanaka, ya o dire mo tshimong ya moweine kajeno.’ A araba a re: ‘Ee, morena.’ Mme a se ka a ya. Foo a ya kwa go wa bobedi, a bua fela jalo. Ene a araba a re: ‘Ke a gana.’ Mme morago a ikwatlhaya, a ya. Jaanong he, ke ofe wa ba babedi ba, yo o dirileng thato ya ga rraagwe?” Ba re: “Wa bofelo.” Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Bakgethisi le diaka ba lo raka go tsena mo pusong ya Modimo. Gonne Johane o tsile go lona ka thuto e e siameng, mme ga lo a ka lwa mo dumela; bakgethisi le diaka bone ba mo dumela. Mme lona, le fa lo bonye, ga lo a ka lwa ikwatlhaya morago gore lo mo dumele. “Utlwang setshwantsho se sengwe: Go ne go le motho yo e leng mong wa ntlo, a lemile tshimo ya moweine, a e agelela ka logora, a epa setlhotlhelo sa weine mo go yona, a aga sefata; mme tshimo a e neela balemi, a ba a eta. Ya re sebaka sa maungo se atamela, a roma batlhanka ba gagwe kwa baleming gore ba ye go amogela maungo a gagwe. Balemi ba tshwara batlhanka ba gagwe, mongwe ba mmetsa, yo mongwe ba mmolaya, yo mongwe ba mo kgobotletsa ka majwe. Gape a roma batlhanka ba bangwe ba bantsi go feta ba pele; mme ba ba dira fela jalo. La bofelo a roma morwawe kwa go bone, a gopola gore: ‘Ba tla tlotla morwaake.’ Mme ya re balemi ba bona morwawe, ba raana ba re: ‘Wa boswa ke yo; tlaang re mmolaeng, re tle re je boswa jwa gagwe!’ Ba mo tshwara, ba mo kgarameletsa kwa ntle ga tshimo ya moweine, ba mmolaya. “Jaanong, e tla re morena wa tshimo ya moweine a tla, a direng ka balemi bao?” Ba mo araba ba re: “Ba ba bosula bao o tla ba bolaya setlhogo, mme tshimo ya moweine o tla e neela balemi ba sele, ba ba tla neng ba mo neela maungo ka dinako tsa ona.” Jesu a ba raya a re: “A ga lo ise lo ke lo buise mo Dikwalong fa go tweng: “ ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng ke lone le le dirilweng letlapa la sekhutlo. Seo se dirilwe ke Morena, se bile se gakgamatsa mo matlhong a rona.’ “Ke ka ntlha ya moo ke lo rayang ke re: Puso ya Modimo e tla tlosiwa mo go lona, e newa setšhaba se se tla ntshang maungo a yona. Yo o welang mo lentsweng leo o tla thubagana; mme yo lone le mo welang le tla mo papetla.” Ya re baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba utlwa ditshwantsho tsa gagwe, ba lemoga gore o bua ka ga bone, ba be ba batla go mo tshwara, mme ba boifa masomo a batho, ka ba mo kaya moporofeti. Jaanong Jesu a tswa molomo, a bua gape nabo ka ditshwantsho a re: “Puso ya magodimo e tshwana le motho yo e leng kgosi e e kileng ya direla morwaa-yona moletlo wa lenyalo. Ya roma batlhanka ba yona go bitsa ba ba laleleditsweng moletlo wa lenyalo; mme ba gana go tla. Ya ba ya roma batlhanka ba bangwe ya re: ‘Rayang ba ba laleditsweng lo re: Itseng, ke baakantse dijo tsa me; dipholo tsa me le tse di nontshitsweng di tlhabilwe, tsotlhe di baakantswe; tlaang lenyalong!’ Mme ba tlhokomologa, ba itsamaela, mongwe a ya kwa tshimong ya gagwe, yo mongwe kwa papading ya gagwe. Ba ba setseng ba tshwara batlhanka ba yona, ba ba diraka mo go maswe, ba ba bolaya. Foo kgosi ya galefa, ya bolotsa mephato ya yona, ya bolaya babolai bao, ya tshuba motse wa bone. Jaanong ya raya batlhanka ba yona ya re: ‘Lenyalo lone le baakantswe, mme ba ba laleditsweng ba ne ba sa tshwanela. Ka moo, yaang kwa makgabaganong a ditsela, mme botlhe ba lo tla ba fitlhelang, lo ba laleletse lenyalo.’ Batlhanka bao ba tswela kwa ditseleng, ba phutha botlhe ba ba ba fitlhelang, ba ba bosula le ba ba molemo, ntlo ya lenyalo ya tlala ba ba ntseng fa dijong. “Ya re kgosi e tsena go sekaseka ba ba ntseng fa dijong, ya bona motho teng yo o sa aparang seaparo sa lenyalo. Ya mo raya ya re: ‘Tsala, o tsenye jang fano, o sa apara seaparo sa lenyalo?’ Ene a tlhoka puo. Ke fa kgosi e raya badiredi e re: ‘Mmofeng maoto le mabogo, lo mo latlheleng kwa ntle kwa lefifing le le kwa ntlentle; go tla nna selelo le phuranyo ya meno teng.’ “Gonne ba ba biditsweng ba bantsi, mme ba ba tlhaotsweng ga ba banene.” Jaanong Bafarisai ba ya go gakololana ka fa ba ka mo raraanyang mo lefokong lengwe ka teng. Ba roma barutwa ba bone kwa go ene, ba na le ba ga Herote, ba re: “Moruti, re itse gore o boammaaruri, o bile o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri, o sa re ope sepe; gonne ga o gobelelele motho. Jaanong he, re bolelele gore o gopolang? A go letleletswe go kgethela Kaisara, gongwe nnyaa?” Ya re ka Jesu a lemoga bolotsana jwa bone, a araba a re: “Lo nthaelelang, baitimokanyi ke lona? Ntshupetseng ledi la lekgetho!” Ba tsisa ledi la selefera kwa go ene. A ba botsa a re: “Setshwantsho se le sekwalo se ke tsa ga mang?” Ba mo araba ba re: “Ke tsa Kaisara.” Jaanong a ba raya a re: “Ka moo he, ntshetsang Kaisara tse e leng tsa Kaisara le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Ya re ba utlwa, ba gakgamala; ba mo tlogela, ba tsamaya. Ka letsatsi leo Basadukai ba ba reng, ga go na tsogo ya baswi, ba tla go ene, ba mmotsa ba re: “Moruti, Moše o rile, fa mongwe a swa, a se na bana, a morwa-rraagwe a nyale mosadi wa gagwe, a tsosetse morwa-rraagwe losika. Jaanong go kile ga bo go le bomorwa-monna ba ba supang mo go rona. Wa ntlha, ya re a sena go nyala, a swa; mme ka a se na bana, a tlogelela morwa-rraagwe mosadi wa gagwe. Ga nna fela jalo le wa bobedi le wa boraro go ya go wa bosupa. Morago ga bone botlhe mosadi le ene a swa. Jaanong mo tsogong e tla nna mosadi wa ga mang mo go bone ba ba supang? Gonne ba ne ba mo tsere botlhe.” Jesu a ba araba a re: “Lo a timela, ka lo sa itse Dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo; gonne mo tsogong ya baswi ga ba nyale, le fa e le go nyalwa; mme ba ntse jaaka baengele kwa legodimong. Ka ga tsogo ya baswi, a ga lo ise lo ke lo bale se Modimo o se buileng le lona wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe’? Modimo ga se wa baswi, ke wa baphedi.” Ya re batho ba utlwa, ba gakgamalela thuto ya gagwe. E rile Bafarisai ba utlwa gore o tlhokisitse Basadukai puo, ba phuthega. Mongwe wa bone, e le moitse-molao, a mmotsa ka go mo leka a re: “Moruti, taolo e kgolo mo molaong ke efe?” A mo araba a re: “ ‘Rata Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’ E ke yona taolo e kgolo le ya ntlha. Mme ya bobedi e tshwana nayo, e a re: ‘Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.’ Mo ditaolong tsoo pedi tse go akareditswe molao otlhe le baporofeti.” E rile Bafarisai ba phuthegile, Jesu a ba botsa a re: “Lo gopolang ka ga Keresete? Ke morwa mang?” Ba mo raya ba re: “Ke wa ga Dafita.” A ba raya a re: “Fa go le jalo, Dafita o mmitsa jang ‘Morena’ ka Mowa, fa a re: “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Nna ka fa letsogong la me le le jang, go tle go tsamae ke bee baba ba gago fa tlase ga dinao tsa gago’? “Jaanong fa Dafita a mmitsa ‘Morena’, o ntse morwawe jang?” Mme ga bo go se ope yo o nonofileng go mo araba ka lefoko lepe; le gona fa e sa le ka letsatsi leo ga bo go se ope yo o sa ntseng a ka beta pelo go mmotsa sepe. Ya baa gona Jesu o buang le bontsi jwa batho le barutwa ba gagwe a re: “Baitsedikwalo le Bafarisai ba ntse mo sedulong sa ga Moše; ka moo tsotlhe tse ba di lo rayang, lo di dire, lo di tlhokomele; fela lo se ka lwa dira ka fa ditirong tsa bone; gonne tse ba di buang ga ba di dire. Ba bofaganya merwalo e e bokete, ba e bee mo magetleng a batho, mme bone ka bosi ga ba rate go e tshikinya, le fa e le ka monwana. Mme ditiro tsotlhe tsa bone ba di dira gore ba bonwe ke batho; gonne ba katolosa meitlamo ya bone ya thapelo; ba leelefatsa dikola tsa dikobo tsa bone. Ba bile ba rata manno a a kwa pele mo meletlong le ditulo tse di kwa pele mo disenagogeng, le go dumedisiwa mo dipatlelong le go bidiwa ke batho ‘Moruti!’ “Mme lona lo se ka lwa bidiwa baruti; gonne moruti wa lona o mongwe fela, e bong Keresete, mme lona lotlhe lo bana ba ga Rraeno. Le gona lo se ka lwa bitsa ope rraeno mo lefatsheng; gonne rraeno o mongwe fela yo o kwa legodimong. Gape, lo se ka lwa bidiwa bagogi; gonne mogogi wa lona o mongwe fela, e bong Keresete. Mme yo o leng mogolo mo go lona a a nne modiredi wa lona. Gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa; mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa. “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tswalela batho puso ya magodimo. Tota lona ga lo tsene, mme ba ba reng ba a tsena, ga lo ba letlelele go tsena. Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo ja matlo a batlholagadi, lo itimokanya ka dithapelo tse ditelele; ke ka ntlha ya moo lo tla bonang katlholo e e bokete. “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo dikologa lewatle le lefatshe go itlhabololela motho a le mongwe fela; mme e re a sena go nna jalo, lo mo dire morwa molete wa molelo go lo feta gabedi. “Ijoo lonaa, lona bagogi ba ba foufetseng, ba lo reng: ‘Fa motho a ikana ka Tempele, ga se sepe; mme fa a ikana ka gouta ya Tempele, o ipofile.’ Masilo le difofu ke lona! Se segolo ke eng, a ke gouta, gongwe a ke Tempele e e itshepisitseng gouta? Gape lo a re: ‘Fa motho a ikana ka aletare, ga se sepe; mme fa a ikana ka tshupelo e e mo godimo ga yona, o ipofile.’ Masilo le difofu ke lona! Se segolo ke eng, a ke tshupelo, gongwe aletare e e itshepisang tshupelo? Ka moo, yo o ikanang ka aletare o ikana ka yona le ka tsotlhe tse di mo godimo ga yona. Le yo o ikanang ka Tempele o ikana ka yona le ka Ona o o nnang mo go yona. Le yo o ikanang ka legodimo o ikana ka sedulo sa bogosi sa Modimo le ka Ona o o ntseng mo go sona. “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo kgetha karolo ya bosome ya minte le anise le kumina, mme lo tlogetse tse di boima tsa molao, e bong tshiamo le kutlwelo-botlhoko le tumelo. Dilo tseo di tshwanetse go dirwa, le tsele di se ka tsa tlogelwa. Bagogi ba ba foufetseng ke lona! Lo tlhotlha lo ntshe monang, mme kammele lo e metse. “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tlhatswa senwelo le mogopo ka fa ntle, mme mo teng di tletse bogodu le bopelotshetlha. Mofarisai wa sefofu ke wena! Tlhatswa senwelo ka fa teng pele gore se nne phepa le ka fa ntle. “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tshwana le diphupu tse di takilweng, tse di bonalang di le dintle ka fa ntle, mme ka mo teng di tletse marapo a baswi le boitshekologo jotlhe. Le lona lo ntse jalo; ka fa ntle lo bonala mo bathong jaaka basiami, mme ka mo teng lo tletse boitimokanyo le boikepo. “Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo aga diphupu tsa baporofeti, lo kgabise matlapa a segopotso a basiami, lo re: ‘Fa re ka bo re ne re le teng mo malatsing a borraetsho, re ka bo re se ka ra dumelana nabo go bolaya baporofeti.’ Lo itshupa ka moo gore lo bomorwaa-bone ba ba bolaileng baporofeti. Le lona, tlatsang seelo sa borraeno! Dinoga ke lona le lotsalo lwa mabolobolo! Lo tla falola jang mo katlholong ya molete wa molelo? Ke ka ntlha ya moo ke romang baporofeti le batlhalefi le Baitsedikwalo go lona; bangwe ba bone lo tla ba bolaya, lo ba bapolela sefapaanong; ba bangwe ba bone lo tla ba seola mo disenagogeng tsa lona, lo ba bogisa go tswa motseng mongwe go ya go o mongwe, gore madi otlhe a a siameng a a tsholotsweng mo lefatsheng a lo wele, go simolola ka madi a ga Abele, mosiami, go tla mading a ga Sagaria, morwa Baragia, yo lo mmolaetseng fa gare ga Tempele le aletare. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tseo, di tla wela batho bao ba ba ntseng jalo. “Jerusalema, Jerusalema, yo o bolayang baporofeti, o kgobotletsa ba ba romilweng go wena! Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago, fela jaaka kgogo e tle e phuthe dikgogwana tsa yona ka fa tlase ga diphuka; mme lo ganne! Bonang, Tempele ya lona lo tla e tlogelelwa e le letlotla fela. Gonne ke lo raya ke re: Go tloga jaanong ga lo kitla lo mpona, go tle go tsamae lo bue lo re: ‘A go bakwe yo o tlang ka leina la Morena!’ ” Foo Jesu a tswa Tempeleng, a tsamaya. Jaanong barutwa ba gagwe ba mo atamela go mo supetsa dikago tsa Tempele. Mme a ba fetola a re: “A ga lo bone tsotlhe tse? Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga go kitla go lesiwa lentswe lepe fa le tlhatlaganye le le lengwe, le le se kitlang le thujwa.” E rile a ntse mo Thabeng ya Diolefa, barutwa ba gagwe ba tla go ene kwa thoko ba re: “Re bolelele gore tseo di tla nna leng, le sesupo sa go tla ga gago le sa bokhutlo jwa metlha eno ya lefatshe se tla nna jang?” Jesu a ba araba a re: “Itiseng gore go se nne ope yo o lo timetsang! Gonne ba bantsi ba tla tla ka leina la me, mongwe le mongwe a ipitsa a re: ‘Ke nna Keresete.’ Mme ba tla timetsa ba le bantsi. Lo tla utlwela dintwa le medumo ya dintwa. Itiseng, mme lo se ka lwa tshoga; gonne go tshwanetse go dirafala; mme e tla bo e ise e nne bokhutlo. Gonne setšhaba se tla tsogela setšhaba, le puso e tsogela puso; go bile go tla nna leuba le dithoromo tsa lefatshe kwa le kwa. Mme tsotlhe tse ke tshimologo ya maralalo. “Metlheng eo ba tla lo tsenya mo pitlaganong, ba lo bolaya; mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me. Metlheng eo ba bantsi ba tla kgotšwa, ba tshwarisanya, ba tlhoana. Baporofeti ba bantsi ba kako ba tla tsoga, ba timetsa ba bantsi. Mme lorato lwa ba bantsi lo tla tsidifala ka ntlha ya go ntsifala ga tshiamololo. Mme yo o itshokelang go ya bokhutlong ke ene yo o tla pholosiwang. Mme Efangele e ya puso e tla rerwa mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo mo merafeng yotlhe; ke gona bokhutlo bo tla tlang. “E re fa lo bona makgapha a tshenyego a eme mo felong ga boitshepo, a a boletsweng ke moporofeti Daniele” – a yo o buisang a tlhaloganye! – “foo ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng. Yo o mo godimo ga ntlo a a se fologele go tsaya tse di mo ntlong ya gagwe; le yo o kwa masimo a a se boele kwa morago go tsaya kobo ya gagwe. A tatlhego wee ya ba baimana le ba ba amusang mo malatsing ao! Mme lo rapele gore tshabo ya lona e se nne mariga, le fa e le ka Sabata; gonne ka sebaka seo go tla nna pitlagano e kgolo, e e iseng e ke e nne go tswa mo tshimologong ya lefatshe go tla nakong eno; le gona ga go kitla go tlhola go nna jalo le ka motlha ope. Mme fa malatsi ao a ka bo a sa khutshwafadiwa, go ka bo go sa pholosiwe motho ope; mme malatsi ao a tla khutshwafadiwa ka ntlha ya batlhaolwi. “Metlheng eo fa mongwe a ka lo raya a re: ‘Bonang, Keresete ke yo,’ gongwe, ‘Ke yole,’ lo se ka lwa dumela; gonne go tla tsoga bokeresete ba kako le baporofeti ba kako; ba tla dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso gore fa go ka kgonega ba timetse le batlhaolwi. Tlhokomelang, ke lo boleletse go sa le kwa pele. “Fa jaanong ba lo raya ba re: ‘Bonang, o kwa sekakeng!’ lo se ka lwa tswa; ‘Bonang, o mo matlwaneng!’ lo se ka lwa dumela; gonne go tla ga Morwa-Motho go tla nna jaaka logadima lo lo tleng lo tswe kwa botlhabatsatsi, lo bonalele le kwa bophirimatsatsi. “Kwa setoto se leng teng, manong a tla phuthegela teng. “Ka bonako morago ga pitlagano ya malatsi ao, letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga o kitla o ntsha lesedi la ona, le dinaledi di tla wa mo legodimong, le dithata tsa magodimo di tla reketlisiwa. Ke gona go tla bonalang sesupo sa Morwa-Motho kwa legodimong. Foo ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla bokolela, mme di tla bona Morwa-Motho a tla ka maru a legodimo ka thata le ka kgalalelo e kgolo. O tla roma baengele ba gagwe ka tumo e kgolo ya diphala, ba tla phutha batlhaolwi ba gagwe kwa ntlheng tse nne, go tswa sekhutlong sengwe sa magodimo go ya kwa go se sengwe. “Lo ithute sekao ka mofeie: E a re fa dikala tsa ona di setse di le dinana, di tlhoga matlhare, lo itse gore selemo se gaufi. Le lona jalo, e re lo bona dilo tsotlhe tse, itseng gore o gaufi, o fa mojako fela. Ammaaruri ke lo raya ke re: Losika lo ga lo kitla lo fela ka gope, tsotlhe tse di ise di dirafale pele. Legodimo le lefatshe di tla fela, mme mafoko a me ga a kitla a fela ka gope. “Ka ga letsatsi leo le nako eo ga go itse ope, le fa e le baengele ba magodimo le e seng Morwa, fa e se Rara a le esi. Gonne go tla ga Morwa-Motho go tla nna jaaka go ne go le ka malatsi a ga Noa. Go tla nna jaaka go ne go ntse mo malatsing ao a pele ga morwalela: Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba nyalwa, go tla go fitlha mo letsatsing le Noa a tsenyeng mo mokorong o mogolo ka lone, mme ba sa lemoge, ga tsamaya morwalela wa tla, wa ba tsaya botlhe. Go tla ga Morwa-Motho le gona go tla nna jalo. Foo banna ba babedi ba tla bo ba le mo masimo; mongwe o tla tsholwa, yo mongwe a tlogelwe. Basadi ba babedi ba tla bo ba sila mo lelwaleng; mongwe o tla tsholwa, yo mongwe a tlogelwe. “Ka moo, phaphamang! Gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tla tlang ka lone. Kana lo a itse gore fa mong wa ntlo a ka bo a itsile nako ya bosigo e legodu le tla tlang ka yona, o ka bo a disitse, a sa leseletsa ntlo ya gagwe go phunngwa. Ka moo, le lona, nnang lo iketleeditse; gonne Morwa-Motho o tla tla ka nako e lo sa e gopoleng. “Jaanong he, motlhanka yo o ikanyegang yo o botlhale ke ofe, yo morena wa gagwe o mo laodisitseng ba ntlo ya gagwe go ba abela dijo ka nako ya tsona? Go sego motlhanka yo, yo e tla reng morena wa gagwe a tla, a mo fitlhele a dira jalo. Ammaaruri ke lo raya ke re: O tla mo laodisa tsotlhe tse o nang natso. Mme fa motlhanka yo o bosula a ka ithaya a re: ‘Morena wa me o diegile,’ mme a simolola go betsa batlhanka-ka-ene, a ja, a nwa le matagwa, morena wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le a sa mo lebelelang ka lone le ka nako e a sa e itseng; o tla mo fatola, a mo neela kabelo ya gagwe le baitimokanyi. Go tla nna selelo le phuranyo ya meno teng. “Motlhang oo puso ya magodimo e tla tshwana le makgarebe a a some, a a tsereng dipone tsa ona, a bolola, a ya go kgatlhantsha monyadi. A matlhano a ona a ne a le bosilo, a matlhano a le botlhale. A a bosilo, e rile a tsaya dipone tsa ona, a se ka a tsaya le lookwane. A a botlhale ona a tsaya lookwane ka medutwana mmogo le dipone tsa ona. Ya re monyadi a diega, otlhe a otsela, a robala. “Mo gare ga bosigo ga opiwa mokgosi ga twe: ‘Bonang, monyadi ke yo! Tswaang lo ye go mo kgatlhantsha!’ Ke fa makgarebe ao a tsoga otlhe, a baakanya dipone tsa ona, mme a a bosilo a raya a a botlhale a re: ‘Re tsheleleng lookwane lo longwe lwa lona, gonne dipone tsa rona di a tima.’ A a botlhale a araba a re: ‘Nnyaya, ga go ka ke ga lekana rona le lona; bogolo yaang go ba ba rekisang, lo ithekele.’ Ya re a sa ile go reka, monyadi a tla; mme a a iketleeditseng a tsena nae mo moletlong wa nyalo, mme mojako wa tswalwa. “Morago makgarebe a mangwe le ona a tla a re: ‘Morena, Morena, re bulele!’ Ene a araba a re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga ke lo itse.’ “Ka moo he, itiseng! Gonne ga lo itse letsatsi, le fa e le nako e Morwa-Motho a tla tlang ka yona. “Gonne go ntse jaaka monna yo o rileng a ya go eta, a bitsa batlhanka ba gagwe, a ba neela di-tsa-gagwe. A neela mongwe ditalente tse tlhano, yo mongwe tse pedi, yo mongwe e le nngwe fela, mongwe le mongwe ka fa nonofong ya gagwe; a ba a akofa a eta. Foo yo o amogetseng ditalente tse tlhano a ya a dira ka tsona, a bapala ditalente tse dingwe tse tlhano. Fela jalo le yo o amogetseng tse pedi a bapala tse dingwe tse pedi. Mme yo o amogetseng e le nngwe fela, a ya a epa fa fatshe, a fitlha madi a morena wa gagwe. “Morago ga sebaka se seleele morena wa batlhanka bao a boa, a tla go bona gore a ba dirile ka ditalente. Pele ga tla yo o amogetseng ditalente tse tlhano, a tsisa ditalente tse dingwe tse tlhano a re: ‘Morena, ò ne o nneetse ditalente tse tlhano; bona, ke bapetse ditalente tse dingwe tse tlhano ka tsona.’ Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘Ahee, ò motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang; ò ne wa ikanyega mo go tse dipotlana, ke tla go laodisa tse dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’ “Le yo o amogetseng ditalente tse pedi a tla a re: ‘Morena, ò ne o nneetse ditalente tse pedi; bona, ke bapetse ditalente tse dingwe tse pedi ka tsona.’ Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘Ahee, ò motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang; ò ne wa ikanyega mo go tse dipotlana, ke tla go laodisa tse dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’ “Yo o amogetseng talente e le nngwe fela a tla a re: ‘Morena, ke itsile gore ò motho yo o bogale, ka ò tle o robe kwa o sa jwalang teng, ò be o sele kwa o sa gasang teng; mme ke ne ka boifa, ka ya ka fitlha talente ya gago mo mmung; bona, sa gago ke se.’ “Morena wa gagwe a mo fetola a re: ‘Motlhanka yo o bosula le botshwakga ke wena! A ò itsile gore ke roba kwa ke sa jwalang teng, ke be ke sele kwa ke sa gasang teng? Fa go ntse jalo, ò ne o tshwanetse wa bo o isitse madi a me kwa baatising ba ona, mme nna, mo go tleng ga me nka bo ke amogetse sa me ka koketsego. Jaanong mo tseeleng talente eo, lo e nee yo o nang le ditalente tse some. Gonne mongwe le mongwe yo o dirisitseng sengwe ka boikanyo o tla okelediwa, a ba a nna le letlotlo; mme yo o sa supeng boikanyo o tla amogwa le se o nang naso. Mme motlhanka yo o se nang molemo mo latlheleng kwa lefifing le le kwa ntlentle; go tla nna selelo le phuranyo ya meno teng.’ “E tla re Morwa-Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, baengele botlhe ba ba boitshepo ba na nae, a nne mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe. Mme merafe yotlhe e tla phuthelwa fa pele ga gagwe. O tla ba tlhaola bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tlhaola dinku mo dipoding. Dinku o tla di baya ka fa letsogong le le jang la gagwe, mme dipodi ka fa go la molema. Jaanong kgosi e tla raya ba ba ka fa letsogong le le jang la yona e re: ‘Tlaang lona, batshegofadiwa ba ga Rre, lo rue boswa jwa puso e lo e baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe! Gonne ke ne ke tshwerwe ke tlala, lwa mpha dijo; ke ne ke nyorilwe, lwa nnosa; ke ne ke le moeng, lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ke ne ke lwala, lwa ntekola; ke ne ke le mo ntlong ya kgolegelo, lwa tla go nna.’ “Foo basiami ba tla mo fetola ba re: ‘Morena, re go bonye leng, o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, gongwe o nyorilwe, mme ra go nosa? Re go bonye leng, o le moeng, mme ra go tshola, gongwe o sa apara, mme ra go apesa? Re go bonye leng, o lwala, gongwe o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra tla go wena?’ Kgosi e tla ba araba e re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tse lo di diretseng mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo di ntiretse.’ “Jaanong e tla raya ba ba ka fa letsogong la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsiwa ke lona, lo ye kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe! Gonne ke ne ke tshwerwe ke tlala, lwa se ka lwa mpha dijo; ke ne ke nyorilwe, lwa se ka lwa nnosa; ke ne ke le moeng, lwa se ka lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa se ka lwa nkapesa; ke ne ke lwala, e bile ke le mo ntlong ya kgolegelo, lwa se ka lwa ntekola.’ “Foo le bone ba tla araba ba re: ‘Morena, re go bonye leng, ò tshwerwe ke tlala, gongwe ò nyorilwe, gongwe ò le moeng, gongwe ò sa apara, gongwe ò lwala, gongwe ò le mo ntlong ya kgolegelo, ra se ka ra go direla?’ Foo o tla ba araba a re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tse lo se kang lwa di direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa di ntirela.’ Mme ba tla tloga ba ya kwa petsong e e sa khutleng, basiami bone ba ya botshelong jo bo sa khutleng.” E rile Jesu a sena go wetsa mafoko otlhe ao, a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo itse gore e tla re malatsi a mabedi a sena go feta, go nne moletlo wa Tlolaganyo, mme Morwa-Motho o tla neelwa go bapolelwa sefapaanong.” Jaanong baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba phuthegela kwa lapeng la moperesiti yo mogolo yo o bidiwang Kaifase, ba be ba gakololana gore ba tshware Jesu ka maano le go mmolaya. Mme ba re: “Fela e seng mo moletlong, gore go se tsoge pheretlhego mo bathong!” E rile Jesu a le kwa Bethania mo ntlong ya ga Simone wa molepero, ga tla mosadi go ene, a tshotse lebotlolonyana la alabasetere, le na le setlolo sa tlhwatlhwa e kgolo, a se mo tshela mo tlhogong a ntse fa dijong. Ya re barutwa ba bona, ba gakala ba re: “Tshenyo e ke ya go reng? Gonne setlolo se, se ka bo se rekisitswe ka tlhwatlhwa e kgolo, ya newa bahumanegi.” Mme ya re Jesu a lemoga, a ba raya a re: “Lo tshwenyetsang mosadi yo? Kana o ntiretse tiro e e molemo: gonne bahumanegi lo na nabo ka gale; mme nna ga lo na le nna ka gale. Gonne ya re a gorometsa setlolo se mo mmeleng wa me, a bo a dira jalo go mpaakanyetsa phitlho. Ammaaruri ke lo raya ke re: Gongwe le gongwe kwa Efangele e, e tla rerwang teng mo lefatsheng lotlhe, le sona se yoo o se dirileng se tla bolelwa teng gore a gopolwe ka sona.” Ke fa mongwe wa ba ba 12, yo o bidiwang Jutase Isekariote, a ya kwa baperesiting ba bagolo a re: “Lo tla mpha eng, fa nka mo lo tshwarisa?” Ba mo lekanyetsa diselefera di le 30. Go tloga foo a senka nako e e lebanyeng ya go mo ba neela. E rile ka letsatsi la ntlha la Dinkgwe tse di sa bedisiwang, barutwa ba tla go Jesu ba re: “O rata ra go baakanyetsa kae, go jela Tlolaganyo teng?” Ene a re: “Yaang kwa motseng kwa go mokete, lo mo ree lo re: ‘Moruti a re: Nako ya me e gaufi, ke tla jela Tlolaganyo mo ga gago le barutwa ba me.’ ” Barutwa ba dira ka fa Jesu a ba laetseng ka teng, ba baakanyetsa Tlolaganyo. Ya re maitsiboa a nna fa dijong le barutwa ba ba 12. Ya re ba ja, a bua a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe wa lona o tla ntshwarisa.” Ba hutsafala thata, ba simolola go mmotsa, mongwe le mongwe a re: “Morena, a ke nna?” A araba a re: “Yo o tsentseng letsogo le nna mo mogopong, ke ene yo o tla ntshwarisang. Fa e le Morwa-Motho, o tsamaya fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe; mme a tatlhego wee ya motho yoo, yo o tshwarisang Morwa-Motho! Go ka bo go le botoka mo go ene, fa a ka bo a se ka a tsalwa.” Jutase yo o mo tshwarisang a mmotsa a re: “Moruti, a ke nna?” Ene a araba a re: “O boletse jalo.” Ya re ba ntse ba ja, Jesu a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se naya barutwa a re: “Tsayang lo je! Se ke mmele wa me.” A ba a tsaya senwelo, a leboga, a se ba neela a re: “Nwaang lotlhe ka sona! Gonne ke madi a me a kgolagano e ntšhwa a a tshololwang ka ntlha ya ba bantsi gore ba itshwarelwe dibe. Mme ke lo raya ke re: Ga nkitla ke tlhola ke nwa ga leungo le la moweine go tloga jaanong go ya go fitlha mo letsatsing leo, mogang ke tla le nwang le lona le le lešwa mo pusong ya ga Rre.” Ya re ba sena go opela difela tsa Tlolaganyo, ba tswela kwa Thabeng ya Diolefa. Jaanong Jesu a ba raya a re: “Lona lotlhe lo tla kgopisega ka ga me mo bosigong jono; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku tsa letsomane di tla faladiwa.’ Mme e tla re ke sena go tsosiwa, ke lo etelele pele go ya kwa Galelea.” Petoro a mo fetola a re: “Le fa botlhe ba ka kgopisega ka ga gago, nna ga nkitla ke kgopiwa ka gope.” Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: O tla intatola gararo mo bosigong jono, mokoko o ise o lele.” Petoro a mo raya a re: “Le fa ke na le go swa le wena, ga nkitla ke go itatola ka gope.” Le barutwa botlhe ba bua jalo. Ke fa Jesu a fitlha nabo kwa felong fa go bidiwang Getsemane. Foo a raya barutwa a re: “Nnang fa, ke sa ya fale go rapela.” A tsaya Petoro le bomorwa Sebeteo ba babedi, a ya nabo, a ba a simolola go hutsafala le go tlalelwa. A ba a ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata go ya losong; nnang fa, lo dise le nna.” Jaanong a ya kwa pelenyana, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a rapela a re: “Rra, fa go ka kgonega, a senwelo se, se mphete; fela e se nne ka fa nna ke ratang ka teng, mme go dirafale ka fa wena o ratang ka teng!” Foo a tla fa barutweng, a fitlhela ba robetse, a ba a raya Petoro a re: “Ao! A lo paletswe ke go disa le nna nako e le nngwe fela? Disang lo rapele gore lo se tsene mo thaelong; mowa ona o tlhaga, mme nama e bokoa.” A ya gape lwa bobedi, a rapela a re: “Rra, fa senwelo se, se sa ka ke sa mpheta ke sa se nwe, a thato ya gago e dirafale!” A tla a fitlhela gape ba robetse; gonne matlho a bone a ne a bokaletse. A ba tlogela, a ya gape, a rapela lwa boraro, a fela a ntse a bua mafoko ao. Jaanong a boela kwa barutweng, a ba raya a re: “A lo sa ntse lo robetse le go ikhutsa? Bonang, nako e atametse, mme Morwa-Motho o neelwa mo diatleng tsa baleofi. Tsogang re tsamaeng! Bonang, yo o ntshwarisang o atametse.” Ya re a sa ntse a bua, Jutase, mongwe wa ba ba 12 a tla, a na le batho ba bantsi, ba tshotse ditšhaka le melamu, ba romilwe ke baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe. Mme yo o tsileng go mo tshwarisa o ne a ba neile sesupo a re: “Yo ke tla mo atlang, ke ene, lo mo tshware.” Mme a akofa a tla go Jesu a re: “Dumela, Rabbi!” a ba a mo atla. Jesu a mo raya a re: “Tsala, ò tletseng fano?” Ke fa ba tla, ba tsenya Jesu diatla, ba mo tshwara. Jaanong mongwe wa ba ba nang le Jesu a ntsha letsogo, a somola tšhaka ya gagwe, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe. Mme Jesu a mo raya a re: “Somela tšhaka ya gago mo kgatleng ya yona; gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka. Kampo a o itlhoma ke sa ka ke ka rapela Rre gore e re fela jaanong a nthomele bogolo go mephato e le 12 ya baengele? Kana Dikwalo di ne di ka dirafala jang tse di reng, go tshwanetse ga nna jalo?” Ka nako eo Jesu a raya lesomo leo a re: “A lo bolotse ka ditšhaka le melamu go ntshwara, jaaka e kete ke senokwane? Ke ne ke nna ka malatsi otlhe mo Tempeleng, ke ruta, mme ga lo a ka lwa ntshwara. Mme tsotlhe tse, di dirafetse gore Dikwalo tsa baporofeti di dirafale.” Ke fa barutwa botlhe ba mo tlogela, ba tshaba. Ba ba tshwereng Jesu ba mo gogela kwa go Kaifase, moperesiti yo mogolo, kwa Baitsedikwalo le bagolo ba morafe ba phuthegetseng teng. Petoro a mo latela a le kgakala, go ya go fitlha kwa lapeng la moperesiti yo mogolo, a tsena mo go lone, a nna le batlhanka gore a bone bokhutlo jwa tsheko. Jaanong baperesiti ba bagolo le lekgotla le legolo lotlhe ba batla tshupo ya kako ka ga Jesu gore ba tle ba mmolae. Mme ba se ka ba e bona, le fa go ne go tsile basupi ba maaka ba le bantsi. La bofelo ga tla ba le babedi ba re: “Yo, o kile a re: ‘Nka senya Tempele ya Modimo, ka ba ka e tsosa ka malatsi a le mararo.’ ” Moperesiti yo mogolo a ema, a mmotsa a re: “A ga ò arabe sepe? Ke eng se bao ba se supang ka ga gago?” Mme Jesu a didimala. Moperesiti yo mogolo a mo raya a re: “Ke go ikanisa ka Modimo o o tshelang, re bolelele, fa ò le Keresete, Morwa Modimo.” Jesu a mo raya a re: “O boletse jalo. Fela ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona Morwa-Motho a ntse ka fa letsogong le le jang la Nonofo, a bile a tla ka maru a legodimo.” Ke fa moperesiti yo mogolo a ikgagola diaparo a re: “O kgadile Modimo; re sa batlelang basupi? Kana lo utlwile kgalo ya gagwe jaanong; lo gopola eng?” Ba araba ba re: “O tshwanetswe ke loso!” Ke fa ba mo kgwela mathe mo sefatlhegong, ba mo kata ka matswele; ba bangwe ba mmetsa ka dithupa, ba re: “Keresete, re bolelele gore ke mang yo o go iteileng?” Petoro o ne a dutse ka fa ntle mo lelapeng. Foo lelata lengwe la tla go ene la re: “Le wena ò ne o na le Jesu wa Galelea.” Mme a latola fa pele ga botlhe a re: “Ga ke itse se ò se buang.” Ya re a tswela kwa kgorong, lelata le lengwe la mmona, la raya ba ba teng la re: “Yo le ene o ne a na le Jesu wa Nasaretha.” Mme a latola gape ka ikano a re: “Ga ke itse motho yoo.” Ya re kgantele ba ba emeng teng ba tla, ba raya Petoro ba re: “Ammaaruri, le wena ò mongwe wa bone; gonne le yona puo ya gago e a go supa.” Ke fa a simolola go rogaka le go ikana a re: “Ga ke itse motho yoo.” Mme mokoko wa akofa wa lela. Jaanong Petoro a gakologelwa lefoko le Jesu a le buileng a re: “E tla re mokoko o ise o lele, o be o intatotse gararo.” Mme a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko. E rile boo sa, baperesiti ba bagolo botlhe le bagolo ba morafe ba utlwana ka ga Jesu gore ba mmolae. Ya re ba sena go mo golega, ba eta ba mo goga, ba mo neela Pontio Pilato, molaodi. Jaanong Jutase yo o mo tshwarisitseng, ya re a bona gore Jesu o atlhotswe, a ikwatlhaya, a busetsa diselefera tse di 30 kwa baperesiting ba bagolo le bagolong ba morafe a re: “Ke leofile, ka ke tshwarisitse motho yo o se nang molato.” Bona ba re: “Ga re na sepe le tseo. A go bone wena!” Ke fa a latlhela diselefera mo Tempeleng, a tsamaya a ya a ipeta. Baperesiti ba bagolo ba tsaya diselefera tseo ba re: “Ga go a letlelelwa go di tsenya mo letloleng la dikabelo, ka e le tuelo ya madi.” Ya re ba sena go utlwana, ba reka naga ya mmopi wa dipitsa ka tsona go fitlha baeng mo go yona. Ke ka moo naga eo e bidiwang “Naga ya Madi,” go fitlhelela kajeno. Ya baa gona go dirafalang se se builweng ke moporofeti Jeremia, a re: “Ka tsaya diselefera tse di 30 mo Baiseraeleng, e le tlhwatlhwa ya yo o kailweng, yo batho ba neng ba mo kaya jalo. Ba di ntshetsa naga ya mmopi wa dipitsa, jaaka Morena a ntaetse.” Jaanong Jesu a emisiwa fa pele ga molaodi. Molaodi a mmotsa a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?” Jesu a re: “O bolela jalo.” Mme ya re a bewa molato ke baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe, a se ka a fetola sepe. Ke fa Pilato a mo raya a re: “A ga o utlwe tse dintsi tse ba di supang ka ga gago?” Mme a se ka a araba lefoko lepe la gagwe, mo molaodi o bileng a gakgamala thata. Molaodi o ne a tlwaetse gore ka moletlo a gololele batho mogolegwi yo ba mmatlang. Ya re ka sebaka seo ba bo ba na le mogolegwi mongwe yo o tumileng ka bosula, yo o bidiwang Barabase. Jaanong ya re ba phuthegile, Pilato a ba raya a re: “Lo rata ka lo gololela mang, a Barabase gongwe Jesu yo o bidiwang Keresete?” A re jalo, gonne o ne a itse gore ba mo neetse tshekong ka lefufa. Ya re a ntse mo sedulong sa katlholo, mosadi wa gagwe a roma go ene a re: “O se ka wa nna le sepe le mosiami yoo; gonne ke bogile tse dintsi bosigong jono mo torong ka ntlha ya gagwe.” Mme baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba tlhotlheletsa batho gore ba kope Barabase, mme ba bolae Jesu. Molaodi a ba botsa a re: “Lo rata ka lo gololela ofe mo go ba babedi ba?” Ba re: “Barabase!” Pilato a ba a ba botsa a re: “Mme jaanong ke tla dirang ka Jesu yo o bidiwang Keresete?” Botlhe ba re: “A a bapolelwe sefapaanong!” Ene a re: “Kana o dirile bosula bofe?” Mme ba goa thata thata ba re: “A a bapolelwe sefapaanong!” Ya re Pilato a bona gore o a palelwa, mme bogolo go bile go tsoga pheretlhego, a tsaya metsi, a tlhapa diatla fa pele ga batho a re: “Ga ke na molato mo mading a mosiami yo; a go bone lona.” Morafe otlhe wa araba wa re: “Madi a gagwe a a wele rona le bana ba rona!” Ke fa a ba gololela Barabase. Ya re a sena go seola Jesu, a mo ba neela gore a bapolwe. Jaanong batlhabani ba molaodi ba tsenya Jesu mo kagong ya molaodi, ba phuthela mophato otlhe kwa go ene, ba mo apola diaparo, ba mo apesa kobo e khibidu; ba loga kgare ya mitlwa, ba e mo rwesa mo tlhogong, ba mo tshwarisa lotlhaka ka letsogo le le jang, ba khubamela fa pele ga gagwe, ba mo sotla ba re: “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” Ba mo kgwela mathe, ba tsaya lotlhaka, ba mo rutha mo tlhogong. Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola kobo, ba mo apesa diaparo tsa gagwe, ba tsamaya ba mo goga gore ba mmapolele sefapaanong. Ya re ba tswela kwa ntle, ba bona motho mongwe wa Kirene yo leina la gagwe e leng Simone; ba mo pateletsa gore a mo sikarele sefapaano. Ya re ba sena go fitlha felong fa go bidiwang Golegotha, ke go re, “Felo ga logata,” ba mo naya weine e tlhakantswe le santlhokwe, gore a nwe; mme ya re a sena go e leka, a gana go e nwa. Ya re ba sena go mmapola, ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di tlhamela tengwa, e le gore go dirafale se se builweng ke moporofeti a re: “Ba kgaoganye diaparo tsa me; mme kobo ya me ba e tlhamela tengwa.” Jaanong ba nna fatshe foo, ba mo lebelela. Fa godimo ga tlhogo ya gagwe ba pega sekwalo sa molato wa gagwe se re: “YO KE JESU KGOSI YA BAJUTA.” Ga bapolwa nae dinokwane tse pedi, sengwe ka fa letsogong le le jang, se sengwe ka fa go la molema. Jaanong ba ba fetang ba mo kgala, ba thukhutha ditlhogo ba re: “Wena yo o rileng o ka senya Tempele, wa ba wa e tsosa ka malatsi a le mararo, ipholose! Fa o le Morwa Modimo, fologa mo sefapaanong!” Baperesiti ba bagolo le bone, mmogo le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe, ba mo sotla fela jalo ba re: “O ne a thusa ba bangwe, mme ene o palelwa ke go ithusa. Fa e le ene Kgosi ya Iseraele, a a fologe jaanong mo sefapaanong, re tle re dumele mo go ene. O ikantse Modimo; a o mo golole jaanong, fa o mo rata; gonne o rile: ‘Ke Morwa Modimo.’ ” Dinokwane tse di bapotsweng nae le tsone tsa mo kgoba fela jalo. Go tloga ka nako ya motshegare ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro ya thapama. Ya re e ka ne e le ka nako ya boraro thapama, Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eli, Eli, lama sabagathani?” Ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?” Bangwe ba bone ba ba emeng teng, ya re ba utlwa, ba re: “O bitsa Elia.” Mongwe wa bone a akofa, a siana, a tsaya ngami, a e ina mo motatseng, a e tlhomela mo lotlhakeng, a mo nosa. Ba bangwe ba re: “Lesa, re boneng gore a Elia o tla tla, a mo golola.” Mme Jesu a goa gape ka lentswe le legolo, a ba a ntsha mowa. Foo lesire la Tempele la gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; lefatshe la roroma, mafika a fatoga; diphupu tsa bulega, mebele e mentsi ya baitshepi ba ba neng ba robetse ya tsosiwa, ba tswa diphupung morago ga tsogo ya gagwe, ba tsena mo motseng o o boitshepo, ba bonwa ke ba le bantsi. Mme molaodi-wa-lekgolo le ba ba lebeletseng Jesu nae, ya re ba bona thoromo ya lefatshe le tse di dirafalang, ba boifa thata ba re: “Ammaaruri, yo e ne e le Morwa Modimo.” Basadi ba bantsi ba bo ba le teng foo, ba lebile ba le kwa kgakala, e le ba ba setseng Jesu morago go tswa Galelea go mo direla. Mo go bone ga bo go le Maria Magtalena, le Maria, mma Jakobo le Jose, le mma bomorwa Sebeteo. E rile go le maitsiboa, ga tla motho mongwe wa mohumi wa Arimathea, yo leina la gagwe e leng Josefa, yo le ene e neng e le morutwa wa ga Jesu. Yo a ya kwa go Pilato, a kopa serepa sa ga Jesu. Pilato a rebola gore a se neelwe. Josefa a tsaya serepa, a se phuthela ka lesela le lentle le lesweu, a se baya mo lebitleng le lešwa la gagwe, le o neng a le gabile mo lefikeng. Ya re a sena go pitikela lentswe le legolo mo mojakong wa phupu, a tloga. Maria Magtalena a bo a le teng, le Maria yo mongwe, ba ntse ba lebaganye le phupu. Ya re kamoso, e le letsatsi le le latelang la iketleetso, baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba phuthegela kwa go Pilato ba re: “Morena, re gakologelwa gore e rile motsietsi yoo a sa ntse a phela, a re: ‘Morago ga malatsi a le mararo ke tla tsoga.’ Jaanong he, laola gore phupu e disiwe go ya letsatsing la boraro, e se re gongwe barutwa ba gagwe ba tla, ba mo utswa, ba raya batho ba re: ‘O tsogile mo baswing,’ mme tsietso ya morago ya tla ya sulafala bogolo go ya ntlha.” Pilato a ba raya a re: “Lekoko la badisa ke leo; tsamayang lo e dise ka fa lo kgonang ka teng.” Foo ba tsamaya. Ya re ba sena go kana lentswe, ba disa phupu ka lekoko la badisa. E rile Sabata a sena go feta, fa bosigo jwa letsatsi la ntlha la beke boo sa, Maria Magtalena le Maria yo mongwe ba ya go bona phupu. Ka tshoganyetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; gonne moengele wa Morena o ne a fologa kwa legodimong, a pitikolola lentswe, a nna mo go lone. Ponalo ya gagwe e ne e tshwana le logadima, seaparo sa gagwe se le sesweu jaaka semathana. Badisa ba roromisiwa ke go mmoifa, ba be ba nna jaaka baswi. Moengele a raya basadi a re: “Lona se boifeng! Kana ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe. Ga a yo fa; gonne o tsogile, fela jaaka a buile. Tlaang lo bone felo fa o ne a letse teng. Mme jaanong itlhaganeleng, lo bolelele barutwa ba gagwe lo re: ‘O tsogile mo baswing, o bile o lo etelela pele go ya kwa Galelea. Lo tla mmona teng.’ Ke foo, ke lo boleletse.” Ba akofa ba tloga fa phupung ka poifo le boitumelo jo bogolo, ba siana go itsise barutwa ba gagwe. Ka tshoganyetso Jesu a kgatlhana nabo a re: “Dumelang!” Ba tla ba tshwara dinao tsa gagwe, ba mo obamela. Jesu a ba raya a re: “Se boifeng! Yaang lo bolelele bana ba ga Rre lo re, ba ye kwa Galelea, ba tla mpona teng.” Ya re ba tsamaya, bangwe ba lekoko la badisa ba tsena mo motseng, ba bolelela baperesiti ba bagolo tsotlhe tse di dirafetseng. Jaanong bone ya re ba sena go phuthega le bagolo ba morafe, le go utlwana, ba naya batlhabani madi a mantsi ba re: “Buang lo re: ‘Barutwa ba gagwe ba tsile bosigo, ba mo utswa re robetse.’ Mme fa molaodi a ka utlwa, rona re tla mo kgona, re lo ntshe tshwenyegong.” Ba tsaya madi, ba bolela ka fa ba rutilweng ka teng. Mme polelo eo e tumile mo Bajuteng go fitlha letsatsing la kajeno. Barutwa ba ba 11 ba ya kwa Galelea kwa thabeng e Jesu o e ba kaetseng. Ya re ba mmona, ba mo obamela; mme ba bangwe ba belaela. Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Ka moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo, lo ba rute go tlhokomela tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme itseng, nna ke na le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe.” Efangele ya ga Jesu Keresete, Morwa Modimo, e simologile fela jaaka go kwadilwe mo go Jesaya moporofeti ga twe: “Bonang, ke roma morongwi wa me go go etelela pele yo o tla go baakanyetsang tsela. Lentswe la yo o tlhabang mokgosi mo sekakeng la re: ‘Baakanyang tsela ya Morena, siamisang mebila ya gagwe!’ ” Johane o ne a tla jalo, a kolobetsa kwa sekakeng, a rera kolobetso ya tlhabologo go isa boitshwarelong jwa dibe. Botlhe ba naga ya Jutea le botlhe ba Jerusalema ba tswela kwa go ene, ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipobola dibe tsa bone. Johane o ne a apere kobo ya boboa jwa kammele, le moitlamo wa letlalo mo lethekeng la gagwe, a ja tsie le dinotshe tsa naga. A rera a re: “Morago ga me go tla yo o nang le thata bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go inama, ka funolola kgole ya ditlhako tsa gagwe. Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.” Mo malatsing ao Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galelea, a kolobediwa ke Johane mo Joretane. Ya re a tswa mo metsing, a akofa a bona magodimo a bulega, le Mowa o tswa teng, o fologela mo go ene jaaka lephoi. Lentswe la tswa kwa magodimong la re: “O Morwaake yo o rategang yo ke go itumelelang.” Jaanong Mowa wa akofa wa mo kgweeletsa kwa sekakeng. A nna kwa sekakeng malatsi a le 40, a ntse a raelwa ke Satane, a nna teng le diphologolo; mme baengele ba mo direla. E rile Johane a sena go golegwa, Jesu a ya kwa Galelea, a rera Efangele ya Modimo. A re: “Sebaka se weditswe, puso ya Modimo e atametse. Tlhabologang lo dumele Efangele!” Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona Simone le Andrea morwa-rraagwe Simone, ba latlhela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi. Jesu a ba raya a re: “Tlaang lo ntshaleng morago! Ke tla dira gore lo nne batshwari ba batho.” Ba akofa ba tlogela matloa a bone, ba mo sala morago. Ya re a ya fa pelenyana, a bona Jakobo wa ga Sebeteo, le Johane morwa-rraagwe, ba le bone ba ne ba le mo mokorong, ba roka matloa. A akofa a ba bitsa; ba tlogela Sebeteo rraabo mo mokorong, a na le barapiwa, ba mo sala morago. Jaanong ba tsena mo Kaperenaume. Ya re ka Sabata a akofa a tsena mo senagogeng, a ruta. Mme batho ba gakgamalela thuto ya gagwe; gonne o ne a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka Baitsedikwalo. Ka motlha oo ga bo go le motho yo o nang le mowa o o itshekologileng mo senagogeng sa bone, a goa a re: “O na le eng le rona, Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re isa tatlhegong? Ke itse gore o mang; o Moitshepi wa Modimo.” Jesu a o kgalemela a re: “Didimala o tswe mo go ene!” Ya re mowa o o itshekologileng o mo rutlarutla, wa goa ka lentswe le legolo, wa tswa mo go ene. Botlhe ba gakgamala, mo ba bileng ba botsanya ba re: “Ke eng se? Ke thuto e ntšhwa e e nang le thata. Le mewa e e itshekologileng o a e laola, mme e a mo utlwa.” Mme tumo ya gagwe ya akofa ya tswela ntlheng tsotlhe mo tikologong yotlhe ya Galelea. E rile ba sena go tswa mo senagogeng, ba akofa ba tsena mo ntlong ya ga Simone le Andrea, ba na le Jakobo le Johane. Mogwagwadia Simone a bo a letse fa fatshe, a tuka bolelo, mme ba akofa ba mo mmolelela. Jesu a mo atamela, a mo tshwara seatleng, a mo kakatlolola; mogote wa mo tlogela, a ba a ba direla. Ya re go le maitsiboa, letsatsi le phirima, ba isa go ene botlhe ba ba lwalang le ba ba tsenyweng ke medemone. Motse otlhe wa bo o phuthegetse fa mojako. A fodisa ba bantsi ba ba lwalang malwetse a mefutafuta, a kgarameletsa medemone e mentsi ntle; mme a se ka a letlelela medemone go bua; gonne e ne e mo itse. Ya re ka moso, go sa le bosigo, a tsoga, a tswela kwa ntle, a ya kwa felong fa go senya, a rapela teng. Simone le ba ba nang nae ba mo latela. Ba mo fitlhela, ba mo raya ba re: “Botlhe ba a go batla.” A ba raya a re: “A re yeng go sele, kwa metsaneng e e gaufi, gore le gona koo ke rere Efangele; gonne ke sona se ke se tletseng.” A ya a rera mo disenagogeng tsa bone kwa Galelea yotlhe, a kgarameletsa medemone kwa ntle. Jaanong ga tla molwetse wa lepero kwa go ene, a mo rapela, a mo khubamela, a mo raya a re: “Fa o rata, o ka mphepafatsa.” Jesu a tlhomoga pelo, a ntsha letsogo, a mo ama, a mo raya a re: “Ke a rata, phepafala!” Lepero la akofa la mo tlogela, a fola. Mme Jesu a mo laela thata, a akofa a mo rebola, a mo raya a re: “Itise gore o se ka wa bolelela ope sepe! Mme tsamaya o ipontshe moperesiti, o be o ntshetse phepafalo ya gago tse Moše o di laotseng, go nna tshupo mo go bone.” Mme ene ya re a tswa, a simolola go bolela tse dintsi le go utlwatsa tiro eo, mo Jesu a neng a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng a bonwa, mme a nna kwa ntle mo mafelong a a senya. Mme batho ba tla go ene, ba tswa ntlheng tsotlhe. Morago ga malatsi mangwe a boa a tsena mo Kaperenaume; mme ga utlwala, fa a le kwa lapeng. Jaanong ga phuthega batho ba bantsi, ga ba ga tlhokafala manno tota le fa mojako, mme a ba bolelela Lefoko. Ga ba ga tla bangwe, ba tsisa mongwe yo o suleng mhama go ene, a rwelwe ke batho ba le bane. Ya re ba palelwa ke go mo isetsa kwa go ene ka ntlha ya bontsi, ba rutla thulelo, fa a leng teng; ya re ba sena go phunya, ba folosa bolao jo motho yo o suleng mhama o neng a letse mo go jona. Ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya yo o suleng mhama a re: “Ngwanaka, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Mme bangwe ba Baitsedikwalo ba ne ba ntse teng, ba akanya mo dipelong tsa bone ba re: “Yo, o buelang jaana? O a kgala! Ke mang yo o nang le thata go itshwarela dibe, fa e se Modimo o le osi?” Ya re ka Jesu a lemoga ka bonako mo moweng wa gagwe gore ba akanya jalo mo teng ga bone, a ba raya a re: “Lo akanyetsang jalo mo dipelong tsa lona? Mo go botlhofo ke gofe? A ke go raya yo o suleng mhama o re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe’; gongwe go re: ‘Tsoga o tsee bolao jwa gago, o tsamae’? Mme lo tla lemoga gore Morwa-Motho o na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe!” Jaanong a raya yo o suleng mhama a re: “Ke go raya ke re: Tsoga o tsee bolao jwa gago, o boele kwa gae!” Mme a tsoga, a tsaya bolao jwa gagwe ka bonako, a tswa fa pele ga bone botlhe, mo botlhe ba bileng ba gakgamala, ba galaletsa Modimo ba re: “Ga re ise re ke re bone se se ntseng jaana.” A ba a tloga, a boela kwa letsheng, mme lesomo lotlhe la batho la tla kwa go ene, mme a ba ruta. Ya re a feta, a bona Lefi, morwa Alefeo a ntse mo ntlong ya kgethelo; a mo raya a re: “Ntshala morago!” A nanoga a mo sala morago. Ya re Jesu a ntse fa dijong mo ntlong ya ga Lefi, bakgethisi ba bantsi le baleofi ba nna fa dijong nae le barutwa ba gagwe; gonne e ne e le ba bantsi ba ba mo setseng morago. Jaanong ya re Baitsedikwalo ba setlhopha sa Bafarisai ba bona, fa a ja le baleofi le bakgethisi, ba raya barutwa ba gagwe ba re: “Ke go reng, fa a ja le bakgethisi le baleofi?” Ya re Jesu a utlwa, a ba raya a re: “Ba ba itekanetseng ga ba batle ngaka, e batlwa ke ba ba lwalang. Ga ke a tla go bitsa basiami, ke tsile go bitsa baleofi.” Ka sebaka seo barutwa ba ga Johane le Bafarisai ba ne ba itima dijo. Jaanong ba tla, ba mo raya ba re: “Ke go reng, fa barutwa ba ga Johane le barutwa ba Bafarisai ba itima dijo, mme barutwa ba gago bone ba sa dire jalo?” Jesu a ba raya a re: “A batho ba lenyalo ba ka itima dijo, monyadi a sa ntse a na nabo? Fa ba sa ntse ba na le monyadi, ga ba ka ke ba itima dijo. Mme malatsi a tla tla, mogang monyadi a tla bong a tlositswe mo go bone; ke gona mo malatsing ao ba tla itimang dijo. “Ga go ope yo o ka rokelelang sebata sa lesela le lešwa mo seaparong se se onetseng; fa go ka dirwa jalo, sebata se sešwa se tla gagola seaparo se se onetseng, mme legago le oketsege. Le gona ga go ope yo o ka tshelang weine e ntšhwa mo makukeng a a onetseng; fa go ka dirwa jalo, weine e tla phantsha makuka, mme weine e senyege mmogo le makuka; mme weine e ntšhwa e tshelwa mo makukeng a mašwa.” E rile Jesu a ralala masimo ka Sabata, barutwa ba gagwe ba simolola go roba diako, ba ntse ba tsamaya. Bafarisai ba mmotsa ba re: “Bona, ba direlang se se sa letlelelwang ka Sabata?” Ene a ba araba a re: “A ga lo ise lo ke lo buise se Dafita o kileng a se dira, fa a tlhoka, mme a tshwerwe ke tlala, le ba ba neng ba na nae? Jaaka a ne a tsena mo ntlong ya Modimo, Abjathare e le moperesiti yo mogolo, a ba a ja dinkgwe tsa tshupo tse di sa letlelelwang go jewa ke ope, fa e se baperesiti fela, a ba a fa le bone ba ba neng ba na nae?” A ba a ba raya a re: “Sabata o dirilwe ka ntlha ya motho, e seng motho ka ntlha ya Sabata.” Ka moo he, Morwa-Motho ke Morena le wa Sabata. Jaanong a tsena gape mo senagogeng. Ga bo go le motho teng yo o nang le letsogo le le omeletseng. Ba mo lepa gore a o tla mo fodisa ka Sabata, gore ba tle ba mmee molato. Jesu a raya motho yo o nang le letsogo le le omeletseng a re: “Emela fa gare.” A ba botsa a re: “A go letleletswe go dira molemo ka Sabata, gongwe go dira bosula, go pholosa motho, gongwe go mmolaya?” Mme ba didimala fela. Jaanong a ba leba tikologong ka bogale, a tlhokofadiwa ke bothata jwa dipelo tsa bone, a raya motho yoo a re: “Otlolola letsogo!” A le otlolola; la ba la fola. Jaanong Bafarisai ba tswela kwa ntle, ba akofa ba gakololana le ba ba gogang le Herote ka ga gagwe, gore ba tle ba mmolae. Jesu a thobela kwa letsheng, a na le barutwa ba gagwe; mme bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, jo bo tswang kwa Galelea le kwa Jutea, le kwa Jerusalema le kwa Idumea le kwa moseja ga Joretane le kwa tikologong ya Tiro le Sitone, mme ga tla bontsi jo bogolo kwa go ene, ka ba utlwetse dilo tsotlhe tse a di dirang. Ke fa a bua le barutwa ba gagwe gore mokorwana o mo lete ka ntlha ya bontsi, gore bo se mo pitlaganye; gonne o ne a fodisa ba bantsi, mo ba bileng ba mo kgotlhaganela botlhe ba ba nang le matlhoko gore ba mo ame. Le mewa e e itshekologileng, e ne ya re e mmona, e wele fa fatshe fa pele ga gagwe, e goe e re: “Wena o Morwa Modimo.” Mme a e laela thata gore e se ka ya mo senola. Jaanong a tlhatlogela mo thabeng, a ipiletsa ba a ratang go ba bitsa; mme ba tla go ene. A tlhoma ba le 12 gore ba nne nae, le gore a tle a ba rome go rera, mme ba nne le thata ya go kgarameletsa medemone kwa ntle. A tlhoma ba ba 12 ke ba: Simone; ene a mo okeletsa leina la Petoro; le Jakobo, morwa Sebeteo, le Johane, morwa-rraagwe Jakobo; bone a ba okeletsa leina la Boaneregese, ke go re: Bomorwa tumo ya maru; le Andrea le Filipo le Baretolomeo le Matheo le Thomase le Jakobo, morwa Alefeo, le Thateo le Simone wa Kana, le Jutase Isekariote, e bong yo o mo tshwarisitseng. Jaanong a tsena mo ntlong. Mme lesomo la batho la kgobokana gape, mo ba bileng ba palelwa le ke go ja dijo. E rile ba ga gabo ba utlwa, ba bolola go mo tshwara; gonne ba ne ba re: “Ga a itse se a se dirang.” Baitsedikwalo ba ba tsileng, ba tswa Jerusalema, bone ba re: “O na le Beelsebule, mme o kgarameletsa medemone ntle ka molaodi wa medemone.” Mme a ba ipiletsa, a bua nabo ka ditshwantsho a re: “Satane o ka kgarameletsa Satane ntle jang? Fa bogosi bo ikgaogantse ditlhopha tse di lwang, bogosi joo ga bo ka ke jwa tlhomama. Fa ba lapa ba ikgaogantse, lelapa ga le ka ke la tlhomama. Fa Satane a itwantsha, a ikgaoganya, ga a ka ke a tlhomama mme o fedile. “Ga go na ope yo o ka tsenang mo ntlong ya senatla, a thopa thoto ya sona, fa a sa golege senatla seo pele; ke gona a ka thukhuthang ntlo ya sona dilo. “Ammaaruri ke lo raya ke re: Bana ba batho ba ka itshwarelwa dibe tsotlhe le dikgalo tsotlhe tse ba ka kgalang ka tsona; fela yo o tla kgalang Mowa o o Boitshepo, ga a na go itshwarelwa ka bosenabokhutlo; o molato wa sebe se se sa khutleng.” A re jalo ka gonne ba ne ba re, o na le mowa o o itshekologileng. Jaanong ga tla mmaagwe le bomonnawe; ya re ba eme kwa ntle, ba roma kwa go ene go mmitsa. Mme batho ba bantsi ba bo ba dutse ba mo dikanyeditse. Ke fa ba mo raya ba re: “Bona, mmaago le bomonnao le bokgaitsadio ba kwa ntle, ba a go batla.” A ba fetola a re: “Mmê ke mang, le bonnake ke bomang?” A ba a leba ba ntseng fa fatshe, ba mo dikanyeditse a re: “Bonang, mmê le bonnake ke ba! Gonne mongwe le mongwe yo o dirang thato ya Modimo, ke ene nnake le kgaitsadiake le mmê.” Jaanong a boa a simolola gape go ruta fa letsheng. A phuthegelwa ke batho ba bantsi, mo o bileng a palama mokoro, a nna teng a le mo letsheng, batho botlhe ba le mo lefatsheng fa letsheng. A ba ruta dilo tse dintsi ka ditshwantsho. Ya re a ruta, a ba raya a re: “Reetsang! Mojwadi o ne a ya go jwala. Ya re a ntse a jwala, ditlhaka dingwe tsa wela mo tseleng; dinonyane tsa tla, tsa di ja. Tse dingwe tsa wela mo majweng, fa go se nang mmu o montsi teng; tsa akofa tsa tlhaba, ka di tlhoka mmu o o boteng. Mme ya re letsatsi le sena go tlhaba, tsa swaba; mme ya re ka di se na medi, tsa omelela. Tse dingwe tsa wela mo mitlweng; mme mitlwa ya gola, ya di hupetsa, tsa se ka tsa ungwa. Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa di sena go tlhoga le go gola; tsa tsala, tse dingwe ga 30, tse dingwe ga 60, tse dingwe ga 100.” A ba a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!” E rile a le esi, ba ba fa go ene, ba na le ba ba 12, ba mmotsa ka ga setshwantsho se. A ba raya a re: “Lona lo neilwe bosaitsiweng jwa puso ya Modimo; mme ba ba kwa ntle bone, tsotlhe di ba dirafalela ka ditshwantsho, gore “ ‘go bona ba bone, mme ba se ka ba lemoga, le go utlwa ba utlwe, mme ba se ka ba tlhaloganya, e se re gongwe ba sokologa, ba itshwarelwa dibe.’ ” A ba a ba raya a re: “A ga lo tlhaloganye setshwantsho se? Mme ditshwantsho tsotlhe lo tla di lemoga jang? Mojwadi o jwala Lefoko. Ba ba tshwanang le tsela, kwa Lefoko le jwalwang teng, ke ba: E a re ba utlwa, Satane a akofe a tle, a tlose Lefoko le le jwetsweng go bone. Le gona jalo ba go jwalwang mo majweng ke ba e a reng ba utlwile Lefoko, ba akofe ba le tshole ka boitumelo; mme ga ba na medi mo go bone, ke ba ba se nang tlhomamo, mme e re fa go tsoga pitlagano gongwe pogiso morago ka ntlha ya Lefoko, ba akofe ba kgopisege. Ba bangwe ke ba go jwalwang mo mitlweng; ke ba ba utlwileng Lefoko. Mme matshwenyego a metlha eno le tsietso ya lehumo le dikeletso tsa dilo tse dingwe di tsene, di hupetse Lefoko, mme le tlhoke leungo. Ba go jwetsweng mo mmung o o molemo ke ba ba utlwang Lefoko, ba le tshole, ba ungwe, bangwe ga 30, ba bangwe ga 60, ba bangwe ga 100.” A ba raya a re: “A lobone lo a tle lo tshujwe gore lo bewe ka fa tlase ga kgamelo, gongwe ka fa tlase ga bolao? A ga ke re, lo bewa mo setlhomong? Gonne ga go na sepe se se fitlhegileng se se sa tshwanelang go bonala; le gona ga go a dirafala sepe se subegile se se sa tshwanelang go senoga. Fa mongwe a na le ditsebe go utlwa, a a utlwe!” A ba a ba raya a re: “Tlhokomelang se lo se utlwang! Selekanyo se lo lekanyang ka sona, lo tla lekanyediwa ka sona, lo be lo okelediwa lona ba lo utlwang. Gonne yo o tshotseng sengwe o tla okelediwa; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa.” A bua a re: “Puso ya Modimo e ntse jaana, jaaka fa motho a jwala peo mo tshimong. Mme a robale, a tsoge, bosigo le motshegare, peo e mele, e gole, ene a sa itse gore jang. Lefatshe le ikungwisa ka losi, pele go tswe mogwang, morago seako, morago mabele a a tletseng mo seakong. Mme e re fa mabele a budule, a akofe a tsenye thipa, ka gonne thobo e fitlhile.” A boa a re: “Re ka tshwantsha puso ya Modimo jang? Gongwe re ka e bapisa ka setshwantsho sefe? E tshwana le tlhaka ya peo ya mmasetete, e e a reng e jwalwa mo mmung, e be e le potlana mo dipeong tsotlhe tse di mo lefatsheng. Mme fa e jwetswe, e mele, e nne kgolo go feta merogo yotlhe, e ntshe dikala tse dikgolo, mo dinonyane tsa leapi di bileng di ka aga dintlhaga mo go tsona mo moriting.” A ba bolelela Lefoko ka ditshwantsho tse dintsi tse di ntseng jalo ka fa ba nonofileng go utlwa ka teng. A se ka a bua nabo kwa ntle ga setshwantsho, mme e ne ya re fa ba le bosi, a phuthololele barutwa ba gagwe tsotlhe. Ya re ka letsatsi leo, go le maitsiboa, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja.” Ba phatlalatsa batho, ba tsamaya nae fela a ntse a le mo mokorong. Mme mekoro e mengwe ya mo pata. Jaanong ga tsoga matsubutsubu a magolo a phefo, makhubu a metsi a tlolela mo mokorong, mokoro wa ba wa batla go tlala, ene a bo a le kwa morago mo mokorong, a robetse mo mosamong. Ba mo tsosa, ba mo raya ba re: “Moruti, a ga o re sepe, fa re nyelela?” A tsoga, a kgalemela phefo, a raya letsha a re: “Kgaotsa o didimale!” Phefo ya khutla, ga ba ga nna tidimalo e kgolo. A ba raya a re: “Ke eng, fa lo le boi jaana? Ke go reng, fa lo se na tumelo?” Bone ba boifa ka poifo e kgolo, ba raana ba re: “Kana yo ke mang, fa phefo le letsha le tsona di mo utlwa?” Ba fitlha kwa moseja ga letsha, mo lefatsheng la Bagatara. Ya re a tswa mo mokorong, motho yo o nang le mowa o o itshekologileng a akofa a kgatlhana nae, a tswa kwa diphupung, yo boago jwa gagwe bo leng mo diphupung; mme go se ope yo o kgonang go mo golega, le fa e le ka keetane; gonne o ne a golegwa gantsi ka mefiri ya maoto le dikeetane, mme dikeetane a di kgaole, le mefiri a e komoganye; go ne go se ope yo o nonofileng go mo kgwabofatsa. Ka metlha yotlhe, bosigo le motshegare, o ne a nna kwa diphupung le kwa dithabeng, a ntse a goa, a ititaya ka majwe. Ya re a bona Jesu a sa le kgakala, a taboga, a mo obamela, a ba a goa ka lentswe le legolo a re: “O tsile go ntheng, Jesu, Morwa Modimo o o godimodimo? A Modimo o go kgone gore o se ka wa ntlhokofatsa!” Wa bua jalo, ka gonne Jesu o ne a o reile a re: “Tswaa mo mothong yo, wena mowa o o itshekologileng!” Jesu a o botsa a re: “Leina la gago ke mang?” Wa mo araba wa re: “Leina la me ke ‘Mophato’; gonne re medemone e mentsi.” Wa ba wa mo rapela thata gore a se ka a e leleka mo lefatsheng leo. Jaanong ga bo go le motlhape o mogolo wa dikolobe teng fa thabeng di fula. Medemone yotlhe ya mo rapela ya re: “Re romele kwa dikolobeng gore re tsene mo go tsona.” A e letlelela. Jaanong mewa e e itshekologileng ya tswa, ya tsena mo dikolobeng, mme motlhape wa kgokologela ka fa makgotlhong mo letsheng, e ka nna di le 2 000, tsa betwa mo metsing. Badisa ba tsona ba tshaba, ba bolela mo motseng le mo nageng. Batho ba tla go bona se se dirafetseng. Ba tla kwa go Jesu, ba bona yo o ne a tsenywe ke medemone, a ntse fa fatshe, a apesitswe, a na le tlhaloganyo, e bong ene yo o neng a na le Mophato; mme ba boifa. Ba ba bonyeng ba ba bolelela ka fa go dirafaletseng yo o neng a tsenywe ke medemone ka teng le ka ga dikolobe. Ba be ba simolola go rapela Jesu gore a tloge mo dinageng tsa bone. Ya re a tsena mo mokorong, yo o ne a tsenywe ke medemone a mo rapela gore a nne nae. Mme Jesu a se ka a mo letlelela, mme a mo raya a re: “Yaa kwa ntlong ya gago kwa go ba ga eno, o ba bolele dilo tse dikgolo tse Morena a di go diretseng, fa a go utlwela botlhoko.” Yoo a ya a simolola go tumisa mo nageng ya Metse-e-e-lesome dilo tse dikgolo, tse Jesu a di mo diretseng; mme botlhe ba gakgamala. E rile Jesu a sena go tshelela gape kwa moseja ka mokoro, batho ba bantsi ba phuthegela kwa go ene, a le fa letsheng. Jaanong ga tla mongwe wa bagolo ba senagoge yo leina la gagwe e leng Jairo. Ya re a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo rapela thata a re: “Morwadiake yo monnye o gaufi le go swa; a ò ko o tle, o mmee diatla gore a fole, a phele.” A tloga nae, batho ba bantsi ba mo sala morago, ba mo pitlaganya. Jaanong mosadi yo o sa leng a bolawa ke madi dinyaga di le 12, mme a bogile thata mo dingakeng tse dintsi, a bile a feletswe ke tsotlhe tse a neng a na natso, a sa bona thusego epe, mme bolwetse bo ntse bo atela pele; ya re a utlwa ka ga Jesu, a mo tla kwa morago a le mo gare ga batho, a ama seaparo sa gagwe. Gonne o ne a dumela gore fa nka ama le fa e le diaparo tsa gagwe fela, ke tla fola. Ke fa kelelo ya madi a gagwe e kgala ka bonako, a ikutlwa mo mmeleng, fa a fodisitswe botlhoko jwa gagwe. Jesu a akofa a itemoga, fa thata e dule mo go ene; a ba a retologa mo bathong a re: “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?” Barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O a bona, fa bontsi bo go pitlagantse, mme ò a re: ‘Ke mang yo o nkamileng?’ ” Jesu a batlisisa go bona yo o dirileng jalo. Jaanong mosadi a boifa, a roroma, ka a itse se se mo dirafaletseng, a tla a wela fa pele ga gagwe, a mmolelela boammaaruri jotlhe. Jesu a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go thusitse; tsamaya ka kagiso, ò folele ruri botlhoko jwa gago.” Ya re a sa ntse a bua, ga tla ba bangwe ba tswa kwa ntlong ya mogolo wa senagoge ba re: “Morwadio o sule; o sa tshwenyetsang Moruti?” Ya re Jesu a utlwa lefoko le le buiwang, a raya mogolo wa senagoge a re: “Se boife, dumela fela.” A se ka a letlela ope go mo sala morago, fa e se Petoro le Jakobo le Johane, morwa-rraagwe Jakobo. Jaanong ba fitlha kwa ntlong ya mogolo wa senagoge; a bona khuduego, le ba ba lelang, ba goa thata. Ke fa a tsena, a ba raya a re: “Lo huduegelang, lo lela? Ngwana ga a a swa, o robetse.” Mme ba mo tshega. Ya re a sena go ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rra-ngwana le mmaagwe, le ba ba nang nae, a ba a tsena kwa ngwana a leng teng. A tshwara seatla sa ngwana, a mo raya a re: “Talita khumi!” Fa go fetolwa ke go re: “Mosetsana, ke go raya ke re: Tsoga!” Mme ka bonako mosetsana a tsoga, a tsamaya. O ne a na le dinyaga di le 12. Ba akofa ba gakgamala ka kgakgamalo e e fetisang. Jesu a ba laela thata gore go se ka ga itse ope; a ba a re, ngwana a fiwe dijo. Jesu a tloga teng, a ya kwa motseng wa ga gabo; barutwa ba gagwe ba mo sala morago. E rile ka Sabata a simolola go ruta mo senagogeng; mme ba le bantsi, ya re ba utlwa, ba gakgamala ba re: “Yo, dilo tseo o di tsere kae, le botlhale jo o bo neilweng ke jo bo ntseng jang? Kana ditiro tsa thata tse a di dirang ka diatla tsa gagwe di kana kang! A yo ga se ene mmetli, morwa Maria, mogoloa boJakobo le Josefa le Juta le Simone? Le bokgaitsadie a ga ba nne le rona mono?” Ba be ba kgopisega ka ga gagwe. Jesu a ba raya a re: “Moporofeti ga a nke a nyatsega gope, fa e se mo lefatsheng la ga gabo le mo lapeng la ga gabo.” Mme a palelwa ke go dira tiro ya kgakgamatso teng, fa e se go baya balwetse ba se kae diatla le go ba fodisa. A gakgamalela go sa dumeleng ga bone. Jaanong a ralala metsana e e mo tikologong, a ntse a ruta. Ya baa gona a ipiletsang ba ba 12, a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi, a ba naya thata mo meweng e e itshekologileng. A ba laela gore ba se ka ba tseela leeto sepe, fa e se tsamma fela; e seng senkgwe, le fa e le kgwatlha, le fa e le madi mo moitlamong. Ba rwale ditlhako, mme ba se ka ba apara dikobo di le pedi. A ba raya a re: “Gongwe le gongwe kwa lo tsenang mo ntlong teng, lo nne gona go tsamae lo tloge teng. Mme gongwe le gongwe kwa lo sa tsholweng teng, ba sa lo utlwe, e re lo tswa teng, lo itlhotlhore lorole lo lo fa tlase ga dinao tsa lona, go nna tshupo mo go bone.” Ba bolola, ba rera gore batho ba tlhabologe. Ba kgarameletsa medemone e mentsi ntle, ba tshasa balwetse ba bantsi lookwane, ba ba fodisa. Kgosi Herote a utlwa ka ga Jesu; gonne leina la gagwe le ne le itsege. Mme a re: “Johane Mokolobetsi o tsogile mo baswing, ke ka moo dithata di itshupang mo go ene.” Ba bangwe ba re: “Ke Elia.” Ba bangwe ba re: “Ke moporofeti jaaka mongwe wa baporofeti.” Mme Herote, ya re a utlwa, a re: “Ke ene Johane yo ke mo kgaotseng tlhogo; o tsogile.” Herote o ne a romile go tshwara Johane, a mo golega mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe; ka gonne o ne a mo nyetse. Gonne Johane o ne a reile Herote a re: “Ga o a letlelelwa go nna le mosadi wa ga morwa-rraago.” Mme Herodia a mo tlhoa, a batla go mmolaya, mme a palelwa; gonne Herote o ne a boifa Johane, ka a itse gore ke monna yo o siameng, yo o boitshepo; a ba a mo sireletsa. E ne ya re fa a mo utlwa, a akabale thata, mme a rate go mo utlwa. E rile go tla letsatsi le le lebanyeng, e leng la botsalo jwa ga Herote, le a direlang dikgosana tsa gagwe le balaodi-ba-sekete le batlotlegi ba Galelea moletlo ka lone, morwadia Herodia a tsena, a bina, a kgatlha Herote le ba ba ntseng nae fa dijong. Mme kgosi ya raya morweetsana ya re: “Nkopa se o se ratang, le fa e ka nna eng, ke tla se go naya.” A ba a mo ikanela a re: “Se o tla se nkopang ke tla se go naya, le fa e ka nna bontlhanngwe jwa puso ya me.” Mosetsana a tswa, a botsa mmaagwe a re: “Nka kopang?” Ene a re: “Tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.” A tsena ka bonako, a itlhaganelela kwa kgosing, a kopa a re: “Ke rata gore o nnee tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi e sa le jaanong ka mogopo.” Kgosi ya hutsafala thata, mme ka ntlha ya maikano le ka ntlha ya ba ba ntseng nayo fa dijong ya se ka ya rata go gana kopo ya gagwe. Kgosi ya akofa ya roma motlhabani, ya laola gore a tsise tlhogo ya gagwe; a ya, a mo kgaola tlhogo mo ntlong ya kgolegelo, a e tlisa ka mogopo, a e naya morweetsana, mme morweetsana a e naya mmaagwe. Ya re barutwa ba gagwe ba utlwa, ba tla ba tsaya serepa sa gagwe, ba ya go se fitlha mo lebitleng. Jaanong baapostolo ba phuthegela kwa go Jesu, ba mmolelela tsotlhe tse ba di dirileng le tse ba di rutileng. Mme a ba raya a re: “Tlaang lona lo le losi, a re yeng kwa felong fa go senya, lo ikhutse go le gonnye.” A re jalo ka gonne go ne go le ba bantsi ba ba tlang le ba ba tlogang, e bile ba se na sebaka, le fa e le sa go ja. Ke fa ba tloga ka mokoro, ba ya kwa thoko kwa felong gongwe fa go senya. Mme ba bantsi ba ba bona ba tsamaya, ba ba lemoga, ba taboga ka dinao ba tswa kwa metseng yotlhe, ba phuthegela teng, ba ba raka. Ya re Jesu a fologa, a ba bona e le bontsi jo bogolo, a ba tlhomogela pelo, ka ba ntse jaaka dinku tse di se nang modisa. A ba a simolola go ba ruta dilo tse dintsi. Ya re letsatsi le setse le ngotlegile, barutwa ba gagwe ba ya go ene ba re: “Felo fa ke sekaka, le letsatsi le setse le ngotlegile. Ba phatlalatse gore ba ye kwa merakeng le kwa metsaneng tikologong, ba ithekele se ba ka se jang.” A ba araba a re: “A ba fiwe ke lona, ba je!” Ba mo raya ba re: “A ò raya gore re ye go reka dinkgwe tsa diranta di le 20, re tle go ba fa, ba je?” A ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae? Yaang lo bone!” Ya re ba sena go bona, ba mo raya ba re: “Di tlhano le ditlhapi tse pedi.” Jaanong a ba laela gore ba nne botlhe mo bojannye jo botala ka masomo. Ba nna fatshe e le ditlhopha tsa ba makgolo le ba masome a matlhano. Foo a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala legodimong, a leboga, a nathoganya dinkgwe, a di neela barutwa gore ba di ba bee pele; le ditlhapi tse pedi a di kgaoganyetsa botlhe. Mme ba ja botlhe, ba kgora, ba ba ba sela masadisa, a tlala ditlatla di le 12, le a ditlhapi. Ba ba jeleng dinkgwe e ne e le banna ba ba dikete tse tlhano. Jaanong a akofa a kgola barutwa ba gagwe go palama mokoro le go mo etelela pele kwa moseja kwa Betsaita, ene a sa ntse a phatlalatsa batho. Ya re a sena go kgaogana nabo, a ya kwa thabeng go rapela. Ya re go le maitsiboa, mokoro wa bo o le fa gare ga letsha, ene a le esi kwa lefatsheng. A ba bona ba tshwere bothata ka go tsamaisa mokoro; gonne ba ne ba tlhabaganye le phefo. A tla kwa go bone, e ka ne e le ka tebelo ya bone bosigo, a tsamaya mo godimo ga letsha; a ba a rata go ba feta. Ya re ba mmona a tsamaya mo godimo ga letsha, ba itlhoma e le sedimo, mme ba kua. Gonne ba ne ba mmona botlhe, ba be ba tshoga. Mme a akofa a bua nabo, a ba raya a re: “Namatshegang! Ke nna: se boifeng!” A ba a tsena kwa go bone mo mokorong, phefo ya ba ya khutla; mme ba tseana thata thata. Gonne ba ne ba sa rutega ka dinkgwe, dipelo tsa bone di ne di thatafetse. Ya re ba sena go tshelela kwa lefatsheng, ba fitlha kwa Genesareta, ba be ba gokelela mokoro. Ya re ba fologa mo mokorong, batho ba akofa ba mo lemoga, ba taboga le lefatshe leo lotlhe, ba simolola go rwalela balwetse ka malao kwa ba mo utlwelang teng. Le gongwe le gongwe kwa a tsenang teng, mo metsaneng gongwe mo metseng gongwe mo merakeng, ba baya balwetse mo patlelong, ba mo rapela gore ba ke ba ame le fa e ka bo e le kola ya seaparo sa gagwe fela, mme botlhe ba ba mo amileng ba fola. Jaanong Bafarisai le bangwe ba Baitsedikwalo ba phuthegela kwa go ene, ba tswa Jerusalema. Ya re ba bona gore bangwe ba barutwa ba gagwe ba ja dijo ka diatla tse di sa itshekang, ke go re tse di sa tlhapiwang, ba ba bona molato. Gonne Bafarisai le Bajuta botlhe ga ba ke ba ja, ba sa tlhapa diatla sentle, ka ba tshegetsa ngwao ya bagolo. E a re fa ba tswa kwa marekelong, ba se ke ba je, fa ba sa itsokotsa diatla. E bile go na le tse dintsi tse dingwe tse ba di amogetseng go di tshegetsa, jaaka go tlhatswa dinwelo le dipitsana le dijana tsa kgotlho le malao. Ka moo Bafarisai le Baitsedikwalo ba mmotsa ba re: “Ke go reng, fa barutwa ba gago ba sa tshele ka fa ngwaong ya bagolo, ba ja senkgwe ka diatla tse di sa itshekang?” Mme a ba araba a re: “Jesaya o boleletse pele sentle ka ga lona baitimokanyi, jaaka go kwadilwe ga twe: “ ‘Morafe o, o ntlotla ka melomo, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna. Mme ba nkobamelela lefela, ka ba ruta dithuto tse e leng ditaolo tsa batho fela.’ “Lo tlogela taolo ya Modimo, lo tlhokomela ngwao ya batho.” A ba a ba raya a re: “Lo itse sentle go dirolola taolo ya Modimo, lo tle lo tshegetse ngwao ya lona. Gonne Moše o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago’; a ba a re: ‘Yo o hutsang rraagwe gongwe mmaagwe o na le go swa.’ Mme lona lo a re: ‘Fa motho a raya rraagwe gongwe mmaagwe a re: Se o ka bong o thusiwa ke nna ka sona ke Korban,’ ke go re, se abetswe Modimo, ga a tlhole a letlelelwa go direla rraagwe gongwe mmaagwe sepe. Lo dirolola Lefoko la Modimo ka ngwao ya lona e lo e beileng; le tse dingwe tse dintsi tse di ntseng jalo lo a di dira.” Ya re a sena go ipiletsa bontsi gape, a ba raya a re: “Ntheetsang lotlhe, lo tlhaloganye! Ga go na sepe se se tswang kwa ntle ga motho, se se ka mo itshekololang ka go tsena mo go ene; tse di tswang mo mothong ke tsona tse di mo itshekololang. Fa mongwe a na le ditsebe go utlwa, a a utlwe!” E rile a sena go tsena mo ntlong, a tlogetse bontsi, barutwa ba gagwe ba mmotsa ka ga setshwantsho seo. A ba raya a re: “A e ntse jaana le lona ga lo na tlhaloganyo? A ga lo lemoge gore sengwe le sengwe se se tsenang mo mothong se tswa kwa ntle, ga se ka ke sa mo itshekolola? Gonne ga se tsene mo pelong ya gagwe, se tsena mo mpeng, se be se ye se tswele kwa ntle.” A raya gore dijo tsotlhe di itshekile. A boa a re: “Se se tswang mo teng ga motho ke sona se se mo itshekololang. Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, e bong dikgokafalo le tsa bogodu le dipolao, le tsa boikanyologo jwa banyalani le megagaru le tsa bokgopo le bolotsana le boitaolo le lefufa le go kgala le boikgantsho le bosilo. Tsotlhe tse di bosula tseo di tswa mo teng, di itshekolola motho.” Jaanong a tloga teng, a ya kwa dinageng tsa Tiro le Sitone. A tsena mo ntlong, a sa rate gore go itse ope, mme a palelwa ke go fitlhega. Ka bonako mosadi mongwe, yo morwadie yo monnye o neng a na le mowa o o itshekologileng, ya re a mo utlwela, a tla a wela fa dinaong tsa gagwe. Mosadi yoo e ne e le Mogerika, Mosirofenika ka fa botsalong. A mo rapela gore a leleke modemone mo go morwadie. Jesu a mo raya a re: “A bana ba kgore pele; gonne ga go gontle go tseela bana senkgwe go se latlhela dintšwanyana.” Ene a mo araba a re: “Ee, Morena; le tsona dintšwanyana tse di leng ka fa tlase ga tafole di ja matlhotlhora a bana.” Jesu a mo raya a re: “Tsamaya ka ntlha ya lefoko leo; modemone o dule mo go morwadio.” Yoo a tloga a ya kwa ntlong ya gagwe, a fitlhela ngwana a letse mo bolaong, le modemone o dule. E rile a sena go tswa gape mo dinageng tsa Tiro le Sitone, a fitlha kwa letsheng la Galelea, mo gare ga dinaga tsa Dekapoli. Foo ba tsisa kwa go ene motho wa sesusu yo o gweletlhang; ba mo rapela gore a mmee seatla. Ya re a sena go mo ntsha mo bontsing, a mo isa fa thoko, a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe, a ama loleme lwa gagwe a lelala kwa legodimong, a fegelwa, a mo raya a re: “Efatha!” Ke go re: “Kabologa.” Ditsebe tsa gagwe tsa kabologa ka bonako, le thapo ya loleme lwa gagwe ya funologa, a ba a bua sentle. Jaanong a ba laela gore ba se ka ba bolelela ope; mme le fa a ba laetse thata, bone ba ya ba bolela bogolo thata. Ba gakgamala thata ba re: “O dirile tsotlhe sentle; o utlwisa disusu, o buisa dimumu.” Mo malatsing ao ga bo go le batho ba bantsi gape fa go Jesu, mme ba se na se ba ka se jang. A ipiletsa barutwa, a ba raya a re: “Ke utlwela batho ba botlhoko, ka gonne jaanong ba setse ba tlhotse le nna malatsi a mararo, mme ga ba na se ba ka se jang. Fa nka ba phatlalatsa go ya kwa magaeng a bone ka tlala, ba ka felelwa ke thata mo tseleng; gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.” Barutwa ba gagwe ba mo araba ba re: “Dinkgwe di ka tswa kae tse motho o ka kgorisang batho ba ka tsona mono sekakeng?” Jesu a ba botsa a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re: “Di supa.” Jaanong a laela batho gore ba nne fa fatshe, a tsaya dinkgwe tse di supang, a leboga, a di nathoganya, a di neela barutwa ba gagwe, gore ba di ba bee pele; ba di baya batho pele. Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae; ya re a sena go di lebogela, a re le tsona ba di bewe pele. Ba ja ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di supa. E ne e ka nna ba ba dikete tse nne; jaanong a ba naya tsela. A akofa a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ba a fitlha kwa dinageng tsa Dalemanutha. Jaanong ga tla Bafarisai, ba simolola go ganetsanya nae, ba batla sesupo mo go ene se se tswang kwa legodimong, mme e le go mo leka. Mme a fegelwa thata mo moweng wa gagwe a re: “Losika lo, lo batlelang sesupo? Ammaaruri ke lo raya ke re: Losika lo ga lo kitla lo newa sesupo sepe!” A ba tlogela, a boa a palama mokoro, a tshelela kwa moseja. Ba bo ba lebetse go tsaya dinkgwe; le mo mokorong ba se na sepe, fa e se senkgwe se le sengwe fela. Jesu a ba tlhagisa a re: “Tlhokomelang, lo itise mo matlhabegong a Bafarisai le mo matlhabegong a ga Herote.” Ke fa ba akanya mmogo ba re: “Ke ka gonne re se na dinkgwe.” Ya re ka Jesu a itse, a ba raya a re: “Lo akanyetsang gore ga lo na dinkgwe? A ga lo ise lo lemoge, le fa e le go tlhaloganya? A dipelo tsa lona di sa ntse di siregile? A ga lo bone, le fa lo na le matlho? A ga lo utlwe, le fa lo na le ditsebe? A ga lo gakologelwe gore e rile ke nathoganyetsa ba ba dikete tse tlhano dinkgwe tse tlhano, lwa tsholetsa ditlatla di le kae, di tletse masadisa?” Ba mo raya ba re: “Di le 12.” “Gape e rile ke nathoganyetsa ba ba dikete tse nne dinkgwe tse di supang, lwa tsholetsa ditlatla di le kae, tse di tletseng masadisa?” Ba mo raya ba re: “Di supa.” A ba raya a re: “Mme go ntse jang, fa lo ise lo tlhaloganye?” Jaanong ba fitlha mo Betsaita. Foo batho ba tsisa sefofu kwa go ene, ba mo rapela gore a se ame. A tshwara sefofu seatleng, a se gogela kwa ntle ga motsana, a se kgwela mathe mo matlhong, a se baya diatla, a se botsa a re: “A o bona sengwe?” Sa lelala sa re: “Ke bona batho; mme ke ba bona ba tsamaya, e kete ke ditlhare.” A boa a se baya diatla gape mo matlhong, sa ba sa leba thata, sa fodisiwa, sa bonela tsotlhe sentle kwa kgakala. Jaanong a se romela kwa ntlong ya sona a re: “O se ka wa tsena mo motsaneng le e seng go bolelela ope mo go ona.” Jesu a tloga foo, a ya kwa metsaneng ya Kaisarea-Filipi, a na le barutwa ba gagwe; a ba botsa mo tseleng a re: “Batho ba re, nna ke mang?” Ba mo araba ba re: “Bangwe ba re, o Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re, o Elia; ba bangwe gape ba re, o mongwe wa baporofeti.” A ba botsa gape a re: “Mme lona lo a re, ke mang?” Petoro a mo araba a re: “O Keresete.” Foo a ba laela thata gore ba se ka ba bolelela ope ka ga gagwe. Jaanong a simolola go ba ruta gore Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go latlhwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsoga morago ga malatsi a mararo. Lefoko le a le bua ka phuthologo. Ke fa Petoro a mo tseela kwa thoko, a simolola go mo kgalemela. Mme Jesu a retologa, a leba barutwa ba gagwe, a kgalemela Petoro a re: “Mpota morago, Satane! Gonne ga ò batle tsa Modimo, ò batla tsa batho.” Jaanong a ipiletsa batho ba ba leng teng mmogo le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago! Gonne yo o ratang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me le ka ntlha ya Efangele o tla bo boloka. Gonne go ka thusa motho eng, fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme a senyegelwa ke bophelo jwa gagwe jwa nnete? Kampo motho o ka ntsha eng go nna segololo sa botshelo jwa gagwe? Gonne mongwe le mongwe yo o tlhajwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ka ntlha ya mafoko a me mo losikeng loo lwa boikepo le boleo, Morwa-Motho le ene o tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe, mogang a tlang ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.” A boa a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Go na le bangwe mo go ba ba emeng fano, ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope, go tsamaya ba bone puso ya Modimo e tsile ka thata.” Morago ga malatsi a le marataro Jesu a tsaya Petoro le Jakobo le Johane, a tlhatlogela nabo mo thabeng e e kwa godimo kwa thoko ba le bosi. Jaanong a fetoga setshwano fa pele ga bone. Diaparo tsa gagwe tsa phatsima, tsa nna ditshweu thata jaaka semathana, mo go se nang mosweufatsi ope mo lefatsheng yo o ka sweufatsang jalo. Ga ba ga bonala fa go bone Elia a na le Moše, ba bua le Jesu. Petoro a simolola go bua, a raya Jesu a re: “Moruti, go monate mo go rona go nna fano; nte re dire metlaagana e le meraro, mongwe e nne wa gago, o mongwe wa ga Moše, o mongwe wa ga Elia.” Mme o ne a sa itse se a se buang, ka ba ne ba boifa thata. Foo ga tla leru, la ba ritifalela; ga ba ga tswa lentswe mo lerung la re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang; mo utlweng!” Ka bonako ya re ba šebašeba, ba se ka ba tlhola ba bona ope, fa e se Jesu a le esi, a na le bone. Ya re ba fologa mo thabeng, a ba laela gore ba se bolelele ope tse ba di bonyeng, Morwa-Motho a ise a tsoge mo baswing. Ba boloka lefoko leo mo go bone, ba botsanya gore go tsoga mo baswing ke go reng. Jaanong ba mmotsa ba re: “Ke go reng, fa Baitsedikwalo ba re, Elia o tshwanetse go tla pele?” A ba raya a re: “Ee, Elia o tla tla pele go siamisa tsotlhe; mme go kwadilwe jang ka ga Morwa-Motho gore a boge dilo tse dintsi, a be a nyadiwe? Mme ke lo raya ke re: Elia o setse a tsile, mme ba dirile ka ene ka fa ba ratileng ka teng, fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe.” Ya re ba fitlha kwa barutweng, ba bona batho ba bantsi ba ba dikanyeditse le Baitsedikwalo ba ganetsanya nabo. Ka bonako ya re bontsi joo bo mmona, jwa gakgamala, jwa tabogela kwa go ene, jwa mo dumedisa. Ene a ba botsa a re: “Lo ganetsanyang nabo?” Mongwe wa batho a mo araba a re: “Moruti, ke tsisitse morwaake kwa go wena, o na le mowa o o semumu. Mme gongwe le gongwe kwa o mo tshwarang teng, o a mo rutlarutla, a phoke mafulo, a phuranye meno, a kwatlalale. Ke buile le barutwa ba gago gore ba o kgarameletse ntle, mme ba paletswe.” Jesu a ba raya a re: “Mofuta wa batho ba ba sa dumeleng ke lona! Ke tla nna le lona go fitlhelela leng? Ke tla lo itshokela sebaka se se kana kang? Mo tsiseng kwano go nna!” Ba mo isa kwa go ene; ya re ngwana a mmona, mowa wa akofa wa mo rutlarutla, a wela fa fatshe, a bidikama, a phoka mafulo. Jesu a botsa rraagwe a re: “Ke sebaka se se kae a ntse a ntse jaana?” Yoo a re: “Go tswa bonyaneng jwa gagwe. Mme gantsi o mo digetse mo molelong le mo metsing go mmolaya. Jaanong fa o nonofile go dira sengwe, re tlhomogele pelo, o re thuse!” Jesu a mo raya, a re: “A o a re: ‘Fa o nonofile’? Tsotlhe di ka dirafalela ene yo o dumelang.” Ke fa rra-ngwana a goa ka dikeledi a re: “Ke a dumela! Thusa go tlhoka-tumelo ga me!” Mme ya re Jesu a bona batho ba tabogela mmogo teng, a kgalemela mowa o o itshekologileng, a o raya a re: “Wena mowa o o semumu, o o bosusu, ke a go laola: Tswaa mo go ene, mme o se ka wa tlhola o boela mo go ene!” Ke fa o goa, o mo rutlarutla thata, o tswa; mosimane a nna jaaka moswi, mo ba bantsi ba bileng ba re: “O sule.” Mme Jesu a mo tshwara seatla, a mo kakatlolola, a ba a tsoga. Ya re a tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa kwa thoko ba re: “Ke go reng, fa rona re paletswe ke go o kgarameletsa ntle?” A ba raya a re: “Mofuta o ga o ka ke wa tswa ka sepe, fa e se ka thapelo le ka go itima dijo.” Jaanong ba tloga teng, ba ralala Galelea; mme a sa rate gore go itse ope. Gonne o ne a ruta barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho, mme ba tla mmolaya; mme e tla re a sena go bolawa, a tsoge morago ga malatsi a le mararo.” Mme ba se ka ba tlhaloganya polelo eo, ba be ba boifa go mmotsa. Jaanong ba fitlha kwa Kaperenaume. Ya re a le mo ntlong, a ba botsa a re: “Lo ne lo buisanya ka ga eng mo tseleng?” Mme ba didimala; gonne ba ne ba ganetsantse mo tseleng gore yo mogolo ke mang. Jesu a nna fa fatshe, a bitsa ba ba 12, a ba raya a re: “Fa mongwe a rata go nna wa pele, a a nne wa morago mo go botlhe, le modiredi wa botlhe.” A ba a tsaya ngwana, a mo emisa mo gare ga bone, a mo diketsa ka mabogo, a ba raya a re: “Yo o tsholang mongwe wa bana ba ba ntseng jaana ka ntlha ya leina la me, o a ntshola; mme yo o ntsholang, ga a tshole nna, o tshola ene yo o nthomileng.” Johane a mo raya a re: “Moruti, re bonye mongwe yo o sa re lateleng, a kgarameletsa medemone ntle ka leina la gago: mme ra mo iletsa, ka a sa re latele.” Mme Jesu a re: “Lo se ka lwa mo iletsa; gonne ga go ope yo e ka reng a dira kgakgamatso ka leina la me, a akofa a bua bosula ka ga me. Kana yo o sa lweng le rona o goga le rona. Le gona yo o tla lo nosang metsi ka sego ka leina la me, ka lo le ba ga Keresete, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga a nke a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope. “Yo o tla kgopisang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go molemo mo go ene, fa lolwala lo logolo lo ka bo lo gokeletswe mo molaleng wa gagwe, mme a latlhelwa mo lewatleng. Fa seatla sa gago se go kgopisa, o se kgaole; gonne go molemo go wena go tsena mo bophelong, o le segole, bogolo go ya mo moleteng, e bong mo molelong o o sa ka keng wa tingwa, o na le diatla tse pedi, kwa seboko sa bone se sa sweng le molelo o sa timeng teng. Fa lonao lwa gago lo go kgopisa, o lo kgaole; gonne go molemo go wena go tsena mo bophelong, o le setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo moleteng, o na le dinao tse pedi, kwa seboko sa bone se sa sweng le molelo o sa timeng teng. Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye; gonne go molemo go wena go tsena mo pusong ya Modimo, o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo, o na le matlho a mabedi, ‘kwa seboko sa bone se sa sweng le molelo o sa timeng teng.’ “Gonne mongwe le mongwe o tla lokwa ka molelo; le setlhabelo sengwe le sengwe se tla lokwa ka letswai. “Letswai le molemo; mme fa letswai le tswapogile, lo tla le tswaisa ka eng? “Nnang le letswai mo go lona, lo agisanye.” Jaanong a tloga teng, a ya kwa nageng ya Jutea ka tsela e e kwa moseja ga Joretane; mme batho ba bantsi ba phuthegela gape kwa go ene, a ba a ba ruta ka fa a tlwaetseng ka teng. Bafarisai ba tla go ene, ba mmotsa gore a monna o letleletswe go tlhala mosadi wa gagwe. Mme ya bo e le go mo lalela. A ba araba a re: “Moše o lo laotse jang?” Ba re: “Moše o re letleletse go ka kwala lokwalo lwa tlhalo le go tlhala.” Jesu a ba raya a re: “Taolo eo, o e lo kwaletse ka ntlha ya bopeloethata jwa lona. Fela e sa le ka tshimologo ya tlholego ‘Modimo o ba dirile monna le mosadi.’ ‘Ke ka ntlha ya moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe, mme ba babedi ba, ba tla nna nama e le nngwe fela;’ ka moo ga ba tlhole ba le babedi, ke nama e le nngwe fela. Jaanong se Modimo o se kopantseng, a motho a se se kgaoganye.” Mo ntlong barutwa ba mmotsa gape ka ga tseo. A ba raya a re: “Fa motho a tlhala mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o mo senyetsa nyalano. Le mosadi, fa a tlhala monna wa gagwe, a nyalwa ke o sele, o senya nyalano.” Tsatsi lengwe ga tsisiwa bana kwa go ene gore a ba ame; mme barutwa ba kgalemela ba ba ba tsisitseng. Ya re Jesu a bona, a gakala, a ba raya a re: “Lesang bana ba tle go nna, lo se ka lwa ba iletsa; gonne puso ya Modimo ke ya ba ba ntseng jalo. Ammaaruri ke lo raya ke re: Motho yo o sa tsholeng puso ya Modimo jaaka ngwana, ga a ka ke a tsena mo go yona ka gope.” A be a ba diketsa ka mabogo, a ba baya diatla, a ba tshegofatsa. Ya re a tswela mo tseleng, ga tabogela mongwe kwa go ene, a mo khubamela, a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, nka dirang gore ke tle ke rue bophelo jo bo sa khutleng?” Jesu a mo raya a re: “O mpiletsang yo o molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo. Ditaolo o a di itse tse di reng: ‘O se ka wa bolaya; o se ka wa dira boaka; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; o se ka wa tsietsa; tlotla rraago le mmaago.’ ” Ene a mo raya a re: “Moruti, tsotlhe tse ke di tlhokometse go tloga bonyaneng jwa me.” Jesu a mo leba, a mo rata, a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela; yaa o rekise tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa legodimong, o be o tle, o sikare sefapaano, o ntshale morago.” Yoo a swaba ka ntlha ya lefoko leo, a tloga a hutsafetse; gonne o ne a na le dithuo tse dintsi. Jesu a šebašeba, a raya barutwa ba gagwe a re: “Kana go thata jang mo go ba ba nang le mahumo go ka tsena mo pusong ya Modimo!” Barutwa ba gakgamalela mafoko a gagwe ka letshogo. Jesu a boa a ba raya gape a re: “Banaka, kana go thata jang mo go ba ba ikantseng mahumo go ka tsena mo pusong ya Modimo! Go ka nna botlhofo go kammele go tsena ka letshoba la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo pusong ya Modimo.” Mme ba rerega mo go fetisang, ba raana ba re: “Gona go ka pholosiwa mang?” Jesu a ba leba a re: “Mo bathong go a pala, mme e seng mo Modimong; gonne mo Modimong tsotlhe di ka kgonega.” Jaanong Petoro a simolola go mo raya a re: “Bona, rona re tlogetse tsotlhe, ra go sala morago.” Jesu a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga go na ope yo o tlogetseng ntlo gongwe bomorwa-rraagwe gongwe bokgaitsadie gongwe mmaagwe gongwe rraagwe gongwe bana gongwe masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya Efangele, yo jaanong mo sebakeng seno a se kitlang a bona ga lekgolo matlo le bomorwa-rraagwe le bokgaitsadie le bommaagwe le bana le masimo mmogo le dipogiso, le go bona bophelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang. Mme ba bantsi ba e leng ba pele ba tla nna ba morago, le ba e leng ba morago ba tla nna ba pele.” Jaanong ba ne ba le mo tseleng, ba ya kwa Jerusalema; Jesu a bo a ba eteletse pele, mme ba gakgamala, le ba ba mo latetseng ba boifa. Ke fa a tsaya ba ba 12 gape, a ba bolelela tse di tla mo dirafalelang a re: “Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema; mme Morwa-Motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, ba tla mo atlholela loso, ba be ba mo neela baheitane. Ba tla mo sotla, ba mo kgwela mathe, ba mo seola, ba mmolaya; mme o tla tsoga morago ga malatsi a le mararo.” Jaanong ga tla go ene Jakobo le Johane, bomorwa Sebeteo, ba mo raya ba re: “Moruti, re rata gore o re direle se re tla se go kopang.” A ba botsa a re: “Lo rata ka lo direla eng?” Ba mo araba ba re: “Re nee gore re tle re nne, mongwe ka fa letsogong le le jang la gago, yo mongwe ka fa go la molema, mo kgalalelong ya gago.” Jesu a ba fetola a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo nonofile go nwa senwelo se ke yang go se nwa, gongwe go kolobediwa ka kolobetso e ke yang go kolobediwa ka yona?” Ba mo araba ba re: “Re nonofile.” Mme Jesu a ba raya a re: “Senwelo se ke se nwang lo tla se nwa, le kolobetso e ke kolobediwang ka yona lo tla kolobediwa ka yona.” Mme go nna ka fa letsogong le le jang la me le ka fa go la molema ga se ga me go go naya, go tla newa bone ba ba go baakanyeditsweng. Ya re ba ba lesome ba utlwa, ba simolola go ngongoregela Jakobo le Johane. Jesu a ba ipiletsa, a ba raya a re: “Lo itse gore ba ba kaiwang balaodi ba merafe, ba e busa ka thata, le bagolo ba yona ba a e laola. Mme go se ka ga nna jalo mo go lona; yo o ratang go nna mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona; le gona, yo o ratang go nna wa kwa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa botlhe. Gonne le ene Morwa-Motho ga a tla go direlwa, mme o tsile go direla le go ntsha bophelo jwa gagwe go nna segololo sa ba bantsi.” Jaanong ba fitlha kwa Jerigo. Mme ya re a tswa mo Jerigo, a na le barutwa ba gagwe le batho ba bantsi, mokopi wa sefofu, e bong Baratimeo, morwa Timeo, a bo a ntse fa tseleng. Ya re a utlwa, fa e le Jesu wa Nasaretha, a simolola go goa a re: “Morwa Dafita, Jesu, nkutlwela botlhoko?” Ba bantsi ba mo kgalemela ba re, a didimale; mme ene a goa bogolo bogolo a re: “Morwa Dafita, nkutlwele botlhoko!” Ke fa Jesu a ema a re: “Mmitseng!” Ba bitsa sefofu, ba se raya ba re: “Namatshega o nanoge; o a go bitsa.” Foo a latlha kobo ya gagwe, a supuga, a tla go Jesu. Jesu a tswa molomo, a mmotsa a re: “O rata ka go direla eng?” Sefofu sa mo araba sa re: “Rabuni, dira gore ke boe ke bone.” Jesu a mo raya a re: “Tsamaya; tumelo ya gago e go fodisitse.” Ka bonako a boa a bona, a ba a mo sala morago mo tseleng. E rile ba atamela Jerusalema, kwa Bethefage le Bethania, fa Thabeng ya Diolefa, a roma barutwa ba gagwe ba le babedi, a ba raya a re: “Yaang kwa motsaneng o lo lebaganyeng nao; e tla re lo tsena mo go ona, lo akofe lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e palangwe ke motho ope; e gololeng, lo e tsise. Fa mongwe a ka lo raya a re: ‘Lo direlang jalo?’ lo re: ‘Morena o a e batla, mme o tla akofa a e busetsa kwano.’ ” Ba tsamaya, ba fitlhela eselana e golegilwe fa mojako ka fa ntle mo mmileng, ba be ba e golola. Bangwe ba ba emeng teng ba ba raya ba re: “Lo dirang, fa lo golola eselana?” Barutwa ba ba araba jaaka Jesu a ba laetse, mme ba ba lesa. Ba isa eselana kwa go Jesu, ba baya dikobo tsa bone mo go yona; mme a e palama. Jaanong batho ba bantsi ba ala dikobo tsa bone mo tseleng; ba bangwe ba rema dikala mo ditlhareng, ba di ala mo tseleng. Mme ba ba eteletseng pele le ba ba setseng morago ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana! A go bakwe yo o tlang mo leineng la Morena! A go bakwe puso ya ga Rraetsho Dafita e e tlang; Hosana kwa magodimodimong!” Mme Jesu a tsena mo Jerusalema, a ya kwa Tempeleng. Ya re a sena go sekaseka tsotlhe, a tswela kwa Bethania, ka e ne e setse e le nako ya maitsiboa, a na le ba ba 12. Ya re kamoso ba tswa mo Bethania, a tshwarwa ke tlala. Mme a bonela mofeie kgakajana kwa pele o na le matlhare, a fitlha teng a re, e tla re gongwe a fitlhele sengwe mo go ona; ya re a fitlha fa go ona, a se ka a bona sepe, fa e se matlhare fela; gonne e ne e se sebaka sa difeie. Mme Jesu a tswa molomo, a o raya a re: “A go se nne ope yo o tlholang a ja leungo mo go wena le ka bosakhutleng.” Barutwa ba gagwe ba utlwa. Jaanong ba fitlha mo Jerusalema; mme a tsena mo Tempeleng, a simolola go lelekela ba ba rekisang le ba ba rekang mo Tempeleng kwa ntle, a menola ditafole tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi; mme a se ka a letlelela ope go ralala Tempele a tshotse sepe. A ba a ba ruta a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’? Mme lona lo e dirile legaga la dinokwane.” Baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba utlwa, ba be ba batla ka fa ba ka mo nyeletsang ka teng; gonne ba ne ba mmoifa, ka batho botlhe ba gakgamaletse thuto ya gagwe. E ne e a tle e re go le maitsiboa a tswele kwa ntle ga motse. Jaanong ya re ka moso phakela ba feta, ba bona mofeie o omeletse go tloga kwa meding. Foo Petoro a gakologelwa, a mo raya a re: “Rabbi, bona mofeie o ò o hutsitseng o omeletse.” Jesu a ba araba a re: “Nnang le tumelo mo Modimong. Ammaaruri ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o rayang thaba e a re: ‘Manologa o itatlhele mo lewatleng!’ a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela gore se a se buang se tla dirafala, o tla direlwa jalo. Ke ka moo ke lo rayang ke re: Tsotlhe tse lo di kopang, lo rapela, le fa e ka nna eng, lo dumele gore lo di amogetse, mme lo tla di bona. E ne e re fa lo rapela lo eme, lo itshwarela yo lo gopolang molato wa gagwe, gore Rraeno yo o kwa magodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona. Mme fa lona lo sa itshwarele, le ene Rraeno yo o kwa magodimong ga a nke a lo itshwarela ditlolo tsa lona.” Jaanong ba fitlha gape kwa Jerusalema; ya re a tsamaya mo Tempeleng, ga tla baperesiti ba bagolo go ene, le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe, ba mmotsa ba re: “Dilo tse o di dira ka thata efe? Gongwe ke mang yo o go neileng thata ya go dira dilo tse?” Jesu a ba raya a re: “Ke tla lo botsa lefoko le le lengwe fela; lo nkarabe, mme ke tla lo bolelela thata e ke dirang dilo tse ka yona: Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong, gongwe mo bathong? Nkarabang!” Ba akanya mo go bone ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Mme ke ka ntlhaang, fa lo ne lo sa mo dumele?’ Mme fa re ka re: ‘Mo bathong.’ ” Foo ba be ba boifa batho; gonne botlhe ba ne ba kaya Johane moporofeti tota. Ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re: “Foo le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tse ka thata efe.” Ke fa a simolola go bua nabo ka dipapiso a re: “Motho o ne a dira tshimo ya moweine, a e agelela ka logora, a epa setlhotlhelo sa weine, a aga serala, a e neela barapi, a eta. Ka nako ya teng a roma motlhanka kwa baraping gore a amogele kabelo ya gagwe ya maungo a tshimo ya moweine mo go bona. Mme ba mo tshwara, ba mmetsa, ba mo koba a se na sepe. A boa a roma motlhanka yo mongwe kwa go bona; le ene ba mo ntsha dintho mo tlhogong, ba mo dira tse di tlhabisang ditlhong. Jaanong a roma yo mongwe, mme ene ba mmolaya; le ba bangwe ba le bantsi; ba bangwe ba ba betsa, ba bangwe ba ba bolaya. O ne a sa na le a le mongwe, morwawe yo o rategang, a mo roma kwa go bona e le wa bofelo, a re: ‘Ka e le morwaake, ba tla mo tlotla.’ Mme balemi bao ba rayana ba re: ‘Yo ke moja-boswa; tlayang, re mmolaeng, boswa e tle e nne jwa rona.’ Ba be ba mo tshwara, ba mmolaya, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya moweine. “Jaanong, morena wa tshimo o tla dirang? O tla tla, a bolaya balemi, tshimo ya moweine o tla e neela ba sele. A ga lo a buisa Lokwalo lo lo reng: “ ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng ke lone le le dirilweng letlapa la sekhutlo; seo se dirilwe ke Morena, se bile se gakgamatsa mo matlhong a rona’?” Foo ba batla go mo tshwara; gonne ba ne ba lemoga, fa a buile setshwantsho se ka ga bona; mme ba boifa batho, ba be ba mo tlogela, ba tsamaya. Jaanong ba roma bangwe ba Bafarisai le ba ga Herote kwa go ene gore ba mo tshware ka lefoko. Ya re ba tla, ba mo raya ba re: “Moruti, re itse gore o boammaaruri, mme ga o re ope sepe; gonne ga o gobelele motho, mme o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri. A go letleletswe go kgethela Kaisara gongwe nnyaya? A ke re ntshe lekgetho gongwe re se ka ra le ntsha?” Mme ene, ka a itse boitimokanyo jwa bone, a ba raya a re: “Lo nthaelelang? Ntsisetsang ledi la lekgetho gore ke le bone!” Ba le tsisa. A ba botsa a re: “Setshwantsho se le sekwalo se ke tsa ga mang?” Ba mo araba ba re: “Tsa Kaisara.” Mme Jesu a ba raya a re: “Ka moo, ntshetsang Kaisara tse e leng tsa Kaisara le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Mme ba mo gakgamalela thata. Jaanong Basadukai ba ba reng, ga go na tsogo ya baswi, ba tla kwa go ene, ba mmotsa ba re: “Moruti, Moše o re kwaletse a re: ‘Fa morwa-rra-motho a swa, a tlogela mosadi, mme a se na ngwana, a morwa-rraagwe a tsee mosadi yoo, a tsosetse morwa-rraagwe losika.’ Go ne go le bomorwa motho ba ba supang; wa ntlha a tsaya mosadi; mme a swa, a sa tlogele losika. Wa bobedi a mo tsaya, le ene a swa a sa tlogele losika; le wa boraro fela jalo. Ka bosupa jwa bone ba mo tsaya, mme go se yo o tlogetseng losika. Morago ga bone botlhe mosadi le ene a swa. Jaanong mo tsogong, fa ba tsoga, mosadi e tla nna wa ga mang mo go bone? Kana ba ne ba mo tsere ka bosupa jwa bone.” Jesu a ba araba a re: “A ga ke re, lo a timela, ka lo sa itse Dikwalo le fa e le thata ya Modimo? Kana e tla re ba tsoga mo baswing, ba se ke ba nyale le e seng go nyalwa, mme ba tla nna jaaka baengele mo magodimong. Mme fa e le baswi gore ba tla tsosiwa, a ga lo a buisa mo Lokwalong lwa ga Moše ka fa Modimo o buileng nae ka teng fa setlhareng sa mitlwa wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe’? Modimo ga se wa baswi, ke wa baphedi; lo timetse thata.” Foo mongwe wa Baitsedikwalo a tla, a ba utlwa ba botsanya, mme ka a lemoga gore o ba arabile sentle, a mmotsa a re: “Taolo e kgolo mo go tsotlhe ke efe?” Jesu a mo araba a re: “E kgolo ke e: ‘Utlwa, wena Iseraele! Morena, Modimo wa rona, ke Morena a le esi fela; o rate Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka tlhaloganyo yotlhe le ka thata yotlhe ya gago. Ke yona taolo ya ntlha.’ Ya bobedi ke e: ‘Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.’ Ga go na taolo epe e sele e e fetang tse.” Moitsedikwalo a mo raya a re: “Ruri, Moruti, o buile sentle; gonne Modimo o mongwe fela, mme ga go ope o sele, fa e se ona. Le go o rata ka pelo yotlhe le ka tlhaloganyo yotlhe le ka thata yotlhe, le motho go rata mongwe-ka-ene jaaka a ithata, ke mo go gaisang ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tsotlhe.” Ya re Jesu a bona, fa a arabile ka tlhaloganyo, a mo raya a re: “Ga o kgakala le puso ya Modimo.” Mme ga bo go sa tlhole go le ope yo o betang pelo go mmotsa. Ya re Jesu a ruta mo Tempeleng, a botsa a re: “Ke eng fa Baitsedikwalo ba bua ba re: ‘Keresete ke morwa Dafita’? Kana Dafita o buile ka esi ka Mowa o o Boitshepo a re: “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Nna ka fa letsogong la me le le jang, go tle go tsamae ke bee baba ba gago fa tlase ga dinao tsa gago.’ “Dafita ka esi o mmitsa ‘Morena’; o ka nna morwawe jang?” Mme batho ba bantsi ba mo utlwa ka boitumelo. Mo thutong ya gagwe a bua a re: “Lo itise mo go Baitsedikwalo ba ba ratang go tsamaya ka dikobo tse di kgokgothang, le ditumediso mo dipatlelong, le ditulo tse di kwa pele mo disenagogeng, le manno a a kwa pele mo meletlong; ba metsa matlo a batlholagadi, ba itimokanya ka go rapela go le goleele. Bone ba tla bona katlholo e kgolo bogolo.” Ya re Jesu a ntse go lebagana le letlole la dikabelo, a bona ka fa batho ba tsenyang madi mo letloleng ka teng; bahumi ba bantsi ba tsenya a magolo. Mme ga tla motlholagadi mongwe yo o humanegileng, a tsenya madinyana a le mabedi a a dirang sente. Jaanong a ipiletsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Motlholagadi yo, yo o humanegileng, o tsentse go feta botlhe ba ba tsentseng mo letloleng la dikabelo. Gonne bone botlhe ba tsentse tsa letlotlo la bone mme ene o tsentse tsa lehuma la gagwe tsotlhe tse a nang natso, tsotlhe tse a phelang ka tsona.” E rile a tswa mo Tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Moruti, bona majwe a, le dikago tse, di dintle jang ne!” Jesu a mo raya a re: “A o bona dikago tse dikgolo tse? Ga go nke go lesiwa lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, le le se kitlang le digwa.” Ya re a ntse mo Thabeng ya Diolefa, go lebagana le Tempele, Petoro le Jakobo le Johane le Andrea ba mmotsa kwa thoko ba re: “Re bolelele gore dilo tse, di tla nna leng? Gape sesupo sa nako e dilo tsotlhe tse, di tla dirafalang ka botlalo ka yona ke sefe?” Mme Jesu a simolola go bua nabo a re: “Lo itise gore lo se ka lwa timediwa ke ope. Ba bantsi ba tla tla ka leina la me, mongwe le mongwe a ipitsa a re: ‘Ke nna ene Keresete;’ mme ba tla timetsa ba bantsi. Mme e re lo utlwela dintwa le medumo ya dintwa, lo se ka lwa tshoga; dilo tse, di tshwanetse go dirafala; mme e tla bo e ise e nne bokhutlo. Gonne setšhaba se tla tsogela setšhaba, le bogosi bo tla tsogela bogosi; go tla nna dithoromo tsa lefatshe kwa le kwa le ditlala le dikhuduego; dilo tse ke tshimologo fela ya maralalo. “Mme lona lo itise; gonne ba tla lo tsenya mo makgotleng; lo tla bediwa mo disenagogeng, lo tla emisiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me go nna tshupo mo go bone. Mme Efangele e tshwanetse go rerelwa merafe yotlhe pele. E re fa ba lo isa go lo tsenya mo lekgotleng, lo se ka lwa itshwenya go sa le kwa pele ka ga se lo tla se buang; se lo tla se newang ka nako eo, lo se bue. Gonne e tla bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa o o Boitshepo. Motho o tla neela morwa-rraagwe mo losong, le rra-ngwana o tla neela ngwana wa gagwe, le bana ba tla tsogela batsadi ba bone, ba ba neela polaong. Lo tla tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang go ya bofelong, ke ene yo o tla pholosiwang. “E re fa lo bona makgapha a tshenyego, e bong mongwe yo o emeng fa a sa tshwanelang go ema teng” – a yo o buisang a ele tlhoko – “foo ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng. Le yo o mo godimo ga ntlo a a se fologe, le fa e le go tsena mo teng go tsaya sengwe mo ntlong ya gagwe. Le yo o kwa tshimong a a se boele kwa morago go tsaya kobo ya gagwe. “A tatlhego wee ya ba baimana le ba ba amusang ka malatsi ao! Mme lo rapele gore dilo tse, di se dirafale go le mariga. Gonne malatsi ao e tla nna a pitlagano, jaaka go ise go ke go nne go tloga ka tshimologo ya tlholego e Modimo o e tlhodileng go tla nakong eno; le gona ga go nke go tlhola go nna jalo ka motlha ope. Mme fa Morena a ka bo a sa khutshwafatse malatsi ao, go ka bo go sa pholosiwe motho ope; mme o khutshwafaditse malatsi ka ntlha ya baitlhaolelwi ba o ba itlhaoletseng. “Metlheng eo e re fa mongwe a lo raya a re: ‘Bonang, Keresete ke yo; bonang, ke yole!’ lo se ka lwa dumela. Gonne go tla tsoga bokeresete ba maaka le baporofeti ba maaka; ba tla dira ditshupo le dikgakgamatso gore fa go ka kgonega ba timetse batlhaolwi. Mme lona lo itise! Ke lo boleletse tsotlhe go sa le gale. “Mo malatsing ao, morago ga pitlagano eo, letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga o nke o ntsha lesedi la ona. Le dinaledi di tla wa kwa legodimong, le dithata tse di mo magodimong di tla reketlisiwa. Ke gona ba tla bonang Morwa-Motho a tla mo marung ka thata e kgolo le ka kgalalelo. Foo o tla roma baengele ba gagwe, a phutha batlhaolwi ba gagwe kwa ntlheng tse nne, go tswa sekhutlong sa lefatshe go ya sekhutlong sa legodimo. “Ithuteng setshwantsho ka mofeie: E a re fa dikala tsa ona di setse di le dinana, di kukunya matlhare, lo a bo lo itse gore selemo se gaufi. Le gona jalo e re fa lo bona tseo di dirafala, itseng gore o gaufi fa mejako. Ammaaruri ke lo raya ke re: Mofuta o ga o nke o fela, go tsamae dilo tsotlhe tse, di dirafale. Legodimo le lefatshe di tla fela, mme mafoko a me ga a nke a fela. Ka ga letsatsi la teng le nako ya teng ga go itse ope, le e seng baengele legodimong, le e seng Morwa, fa e se Rara fela. “Itiseng lo se itebale, lo rapele; gonne ga lo itse gore go tla dirafala leng. Go tshwana le motho yo o ileng leetong, a tlogela ntlo ya gagwe, a neela batlhanka ba gagwe go laola, mongwe le mongwe tiro ya gagwe, a laela molebeledi wa kgoro gore a dise. Ka moo disang; gonne ga lo itse gore morena wa ntlo o tla tla leng, a maitsiboa gongwe bosigogare, gongwe fa mokoko o lela, gongwe ka masa, e se re gongwe a tla ka tshoganyetso, a fitlhela lo robetse. Mme se ke se lo rayang ke se raya botlhe, ka re: Disang!” E rile moletlo wa Paseka, wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang o saletswe ke malatsi a mabedi, baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba batla ka fa ba ka mo tshwarang ka teng ka maano le go mmolaya. Fela ba re: “E seng mo moletlong, e se re gongwe ga nna pheretlhego mo bathong.” E rile a le kwa Bethania mo ntlong ya ga Simone wa molepero, a ntse fa dijong, ga tla mosadi, a tshotse lebotlolonyana la alabasetere le na le setlolo sa lookwane lwa narete lo lo sa pekwang sa tlhotlhwa e e kwa godimo, a thuba lebotlolonyana, a se tshela mo tlhogong ya gagwe. Mme ga bo go le bangwe teng ba ba ngongoregang, ba raana ba re: “Tshenyo e ya setlolo ke ya go reng? Kana setlolo se, se ka bo se rekisitswe ka diranta di le 100, tsa newa bahumanegi.” Ba be ba mo nyatsa. Mme Jesu a re: “Mo leseng! Lo mo tshwenyetsang? O dirile tiro e e molemo mo go nna. Kana bahumanegi lo na nabo ka metlha yotlhe, mme fa lo rata, lo ka ba direla molemo; mme nna ga lo na le nna ka gale. O dirile ka fa a kgonang ka teng; o tloleditse mmele wa me phitlho go sa le kwa pele. Ammaaruri ke lo raya ke re: Gongwe le gongwe kwa Efangele e tla rerwang teng mo lefatsheng lotlhe, le sona se ene a se dirileng se tla bolelwa teng gore a gopolwe ka sona.” Jaanong Jutase Isekariote, mongwe wa ba ba 12, a tloga a ya kwa baperesiting ba bagolo gore a tle a mo ba neele. Ya re bone ba utlwa, ba itumela, ba mo solofetsa gore ba tla mo naya madi. Jaanong a batla sebaka se se lebanyeng sa go mo tshwarisa. E rile ka letsatsi la ntlha la Dinkgwe tse di sa bedisiwang la go tlhajwa ga kwana ya Tlolaganyo, barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O rata ra ya go baakanya kae gore ò jele Tlolaganyo teng?” Ke fa a roma ba le babedi ba barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Yaang mo motseng, mme motho mongwe o tla kgatlhana le lona, a rwele nkgo ya metsi; lo mo sale morago, mme kwa a tla tsenang teng, lo ree mong wa ntlo lo re: ‘Moruti a re: Ntlwana ya me ya baeti e kae, kwa nka jelang Tlolaganyo teng le barutwa ba me?’ Ene o tla lo supetsa ntlwana e kgolwane e e fa godimo, e beilwe mesamo, e baakantswe; lo re baakanyetse teng.” Barutwa ba ya, ba fitlha mo motseng, ba fitlhela go ntse fela jaaka a ba boleletse, ba be ba baakanyetsa Tlolaganyo. Ya re go le maitsiboa, a tla le ba ba 12. Ya re ba ntse fa dijong ba ja, Jesu a bua a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe wa lona o tla ntshwarisa, e bong yo o jang le nna.” Ba simolola go hutsafala, ba mmotsa ka tatelano ba re: “A ke nna?” A ba araba a re: “Ke mongwe wa ba ba 12 yo o inang thathana le nna mo mogopong. Fa e le Morwa-Motho, o tsamaya fela ka fa go kwadilweng ka ga gagwe ka teng; mme go latlhega motho yoo, yo o tshwarisang Morwa-Motho! Go ka bo go le botoka mo go ene, fa a ka bo a se ka a tsalwa.” Jaanong ya re ba ja, a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se ba naya a re: “Tsayang lo je! Se ke mmele wa me.” A ba a tsaya senwelo, a leboga, a se ba neela, mme ba nwa botlhe ka sona. A ba raya a re: “Se ke madi a me a kgolagano e ntšhwa a a tshololwang ka ntlha ya ba bantsi. Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga nke ke tlhola ke nwa ga leungo la moweine, go ya go fitlha mo letsatsing leo, le ke tla le nwang le le lešwa ka lone mo pusong ya Modimo.” Ya re ba sena go opela difela tsa Tlolaganyo, ba tswela kwa Thabeng ya Diolefa. Jaanong Jesu a ba raya a re: “Lo tla kgotšwa lotlhe; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku di tla faladiwa.’ Mme e tla re ke sena go tsosiwa, ke lo etelele pele go ya kwa Galelea.” Petoro a mo raya a re: “Le fa botlhe ba ka kgotšwa, nna ga nka ke.” Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno mo bosigong jono, wena o tla intatola gararo, mokoko o ise o lele gabedi.” Mme ene a gatelela thata a re: “Le fa ke tshwanetse go swa nao, ga nkitla ke go itatola ka gope.” Mme botlhe ba bua fela jalo le bone. Jaanong ba fitlha felong fa go bidiwang Getsemane; mme a raya barutwa ba gagwe a re: “Salang fa, ke sa ntse ke ya go rapela.” A ba a tsaya Petoro le Jakobo le Johane, a ya nabo; a simolola go rerega le go tlalelwa. A ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata mo go isang losong; salang fa, lo se robale.” Jaanong a ya fa pelenyana, a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ka kgonega, nako e, e mo fete. A ba a re: “Abba, Rra, dilo tsotlhe o a di kgona; tlosa senwelo se fa go nna. Fela go se nne ka fa go rateng ga me, go nne ka fa go rateng ga gago.” Jaanong a tla, a fitlhela ba robetse; a raya Petoro a re: “Simone, a o robetse? A o ne o sa kgone go itisa ka nako e le nngwe fela? Tlhokomelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa ona o tlhaga, mme nama e bokoa.” A boa a ya gape, a rapela, a bua ona mafoko ao. A ba a tla gape, a ba fitlhela ba robetse, gonne matlho a bone a ne a bokaletse, ba sa itse se ba ka se mo arabang. A tla lwa boraro, a ba raya a re: “A lo sa ntse lo robetse le go ikhutsa? Go lekanye, nako e fitlhile; bonang, Morwa-Motho o neelwa mo diatleng tsa baleofi. Tsogang, re tsamaeng! Bonang, yo o ntshwarisang o atametse.” Ya re ka bonako, a sa ntse a bua, ga tla Jutase, mongwe wa ba ba 12, a na le ba bantsi, ba tshotse ditšhaka le melamu, ba romilwe ke baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe. Jaanong motshwarisi o ne a ba neile sekao a re: “Yo ke tla mo atlang ke ene; lo mo tshware, lo tsamae ka ene, a a se tšhomoge.” Ya re a fitlha, a akofa a tla kwa go ene a re: “Rabbi!” a ba a mo atla. Ke fa ba mo tsenya diatla, ba mo tshwara. Mme mongwe wa ba ba emeng teng a somola tšhaka, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe. Jesu a ba raya a re: “A lo bolotse ka ditšhaka le melamu go ntshwara, jaaka e kete ke senokwane? Ke ne ke na le lona ka malatsi otlhe mo Tempeleng, ke ruta, mme ga lo a ka lwa ntshwara; mme go direga gore Dikwalo di dirafale.” Foo barutwa ba mo tlogela botlhe, ba tshaba. Lekau lengwe la mo latela, le apere lesela fela, mme ba le tshwara. La ba la tlogela lesela, la tshaba le sa apara. Jaanong ba gogela Jesu kwa moperesiting yo mogolo; baperesiti ba bagolo botlhe le bagolo ba morafe le Baitsedikwalo ba phuthegela fa go ene. Petoro a latela Jesu a le kgakala nae, a tsena mo teng ga lelapa la moperesiti yo mogolo; a feta a nna le batlhanka, a ikomosa fa molelong. Mme baperesiti ba bagolo le botlhe ba lekgotla ba batla tshupo ka ga Jesu gore ba tle ba mmolae; mme ba se ka ba e bona. Gonne ba bantsi ba ne ba supa maaka ka ga gagwe, fela ditshupo tsa bone tsa bo di fapaana. Ke fa go ema bangwe, ba supa maaka ka ga gagwe ba re: “Re mo utlwile a re: ‘Ke tla senya Tempele e, e e dirilweng ka diatla, ke aga e sele malatsing a le mararo e e sa dirweng ka diatla.’ ” Mme le ka mokgwa oo ditshupo tsa bone tsa se ka tsa utlwana. Foo moperesiti yo mogolo a ema fa gare, a botsa Jesu a re: “A ga o arabe sepe? Ke eng se bao ba se supang ka ga gago?” Mme a didimala, a se ka a araba sepe. Gape moperesiti yo mogolo a mmotsa a re: “A o Keresete, Morwaa-ona o o bakwang?” Jesu a re: “Ke nna; mme lo tla bona Morwa-Motho a ntse ka fa letsogong le le jang la thata ya Modimo, a tla ka maru a legodimo.” Foo moperesiti yo mogolo a ikgagola diaparo a re: “Re sa batlelang basupi? Lo utlwile kgalo e; lo gopolang?” Mme botlhe ba mo atlhola ba re, o tshwanetswe ke loso. Bangwe ba simolola go mo kgwela mathe le go mo fapa sefatlhego le go mo kata ka matswele le go mo raya ba re: “Re bolelele!” Le batlhanka ba mo faphola marama. Ya re Petoro a le kwa tlase mo lapeng, ga tla lengwe la malata a moperesiti yo mogolo; ya re le bona Petoro a ikomosa, la mo leba la re: “Le wena o ne o na le Jesu wa Nasaretha.” Mme a latola a re: “Ga ke itse se o se buang, le fa e le go se tlhaloganya.” A ba a tswela kwa lapeng la ka fa ntle; mme mokoko wa lela. Ya re letata le mmona gape, la simolola go raya ba ba emeng teng la re: “Yo ke mongwe wa bone.” A boa a latola. Gape ya re morago ga sebakanyana ba ba emeng teng ba raya Petoro ba re: “Ammaaruri o mongwe wa bone; gonne le wena o Mogalelea.” Jaanong a simolola go rogaka, a ba a ikana a re: “Ga ke itse motho yo lo buang ka ga gagwe.” Mme mokoko wa akofa wa lela lwa bobedi. Ke fa Petoro a gakologelwa lefoko la ga Jesu, le a le mo reileng a re: “E tla re mokoko o ise o lele gabedi, o bo o intatotse gararo.” Ya re a akanya jalo, a lela. E rile ka moso phakela baperesiti ba bagolo ba na le bagolo ba morafe le Baitsedikwalo le botlhe ba lekgotla ba akofa ba dumelana; mme ya re ba sena go golega Jesu, ba ya go mo neela Pilato. Pilato a mmotsa a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?” A mo araba a re: “O bolela jalo.” Baperesiti ba bagolo ba mmaya melato ka dilo tse dintsi. Pilato a mmotsa gape a re: “A ga o arabe sepe? Kana ba go baya melato e e kana kang!” Mme Jesu a se ka a tlhola a araba sepe, Pilato a ba a tla a gakgamala. Jaanong e ne e a tle e re ka moletlo a ba gololele mogolegwi yo ba mo kopang. Ga bo go le mongwe yo o bidiwang Barabase, a golegilwe le ba ba dirileng khuduo, ba e rileng mo khuduong ba bolaya motho. Jaanong lesomo la tlhatlogela teng, la simolola go mo kopa gore a dire ka fa a tle a ba direle ka teng. Pilato a ba fetola a re: “A lo rata ka lo gololela kgosi ya Bajuta?” A re jalo, gonne o ne a itse gore baperesiti ba bagolo ba mo neetse tshekisong ka lefufa. Mme baperesiti ba bagolo ba tlhotlheletsa batho gore bogolo a ba gololele Barabase. Pilato a ba fetola gape a re: “Mme jaanong ke tla dirang ka ene yo lo mmitsang Kgosi ya Bajuta?” Ba goa gape ba re: “Mmapolele sefapaanong!” Mme Pilato a ba raya a re: “Naare o dirile bosula bofe?” Ba goa thata thata ba re: “Mmapolele sefapaanong!” Ya re ka Pilato a rata go kgatlha bontsi, a ba gololela Barabase; mme ya re a sena go seola Jesu, a mo neela gore a bapolwe. Ke fa batlhabani ba mo isa kwa teng ga lelapa, e bong kwa kagong ya molaodi, ba be ba phutha mophato otlhe. Ba mo apesa kobo e khibidu, ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa; ba simolola go mo dumedisa ba re: “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” Le gona ba mmetsa mo tlhogong ka lotlhaka, ba mo kgwela mathe, ba wa ka mangole, ba mo obamela. Ya re ba sena go mo sotla, ba mo apola kobo e khibidu, ba boa ba mo apesa diaparo tsa gagwe. Jaanong ba mo gogela kwa ntle, gore ba mmapole. Foo ba pateletsa mongwe yo o fetang a tswa kwa nageng, e bong Simone wa Kirene, rraagwe Aleksantere le Rufo, gore a mo sikarele sefapaano. Ba mo isa kwa felong fa go tweng Golegotha, mo phetolong ke go re: “Felo ga logata.” Ba mo naya weine e tlhakantswe le mera; mme a se ka a e nwa. Jaanong ba mmapola, ba be ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di tlhamela tengwa gore mongwe le mongwe a tsee sa gagwe. E ne e le nako ya borobongwe fa ba mmapola. Sekwalo sa molato wa gagwe sa bo se kwadilwe fa godimo se re: “KGOSI YA BAJUTA.” Ba bapola dinokwane di le pedi nae, sengwe ka fa letsogong la gagwe le le jang, se sengwe ka fa go la molema. Lokwalo lwa ba lwa dirafala lo lo reng: O baletswe le baikepi. Ba ba fetang ba mo kgala, ba thukhutha ditlhogo ba re: “Auwi, wena yo o senyang Tempele, o be o e age ka malatsi a le mararo, ipholose, o fologe mo sefapaanong.” Baperesiti ba bagolo le bone le Baitsedikwalo ba sotla fela jalo, ba raana ba re: “O ne a thusa ba bangwe, mme o palelwa ke go ithusa. A Keresete, Kgosi ya Iseraele, a fologe jaanong mo sefapaanong gore re bone, re tle re dumele.” Le ba ba bapotsweng nae ba mo kgoba. Ya re ka nako ya motshegare ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro thapama. Ya re ka nako ya boraro thapama Jesu a kua ka lentswe le legolo a re: “Eloi, Eloi, lama sabagathani?” fa go fetolwa ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?” Ba bangwe ba bone ba ba emeng teng, ya re ba utlwa, ba bua ba re: “Utlwang, o bitsa Elia.” Mongwe a taboga, a ina ngami mo motatseng, a e tlhomela mo lotlhakeng, a mo nosa a re: “Lesang, re boneng gore a Elia o tla tla go mo pagolola.” Mme Jesu a goa ka lentswe le legolo, a ntsha mowa. Ke fa lesire la Tempele le gagoga, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase. Mme molaodi-wa-lekgolo yo o emeng fa teng a lebaganye nae, ya re a bona gore o ntshitse mowa ka mokgwa oo, a bua a re: “Ammaaruri, motho yo e ne e le Morwa Modimo.” Le gona ga bo go le basadi teng, ba lebile ba le kwa kgakala; mo go bone go le Maria Magtalena le Maria mmaagwe Jakobo yo mmotlana le Jose, le Salome, ba e rileng a le kwa Galelea, ba mo sala morago, ba mo direla; le basadi ba bangwe ba bantsi ba ba ileng kwa Jerusalema le ene. E rile jaanong go setse go le maitsiboa, ka e le la iketleetso, e bong letsatsi le le latelwang ke la Sabata, ga tla Josefa wa Arimathea, e le mongwe yo o tlotlegang wa lekgotla, yo le ene o ne a lebeletse puso ya Modimo; a tsena ka bopelokgale kwa go Pilato, a kopa serepa sa ga Jesu. Pilato a gakgamala, fa a setse a sule. A bitsa molaodi-wa-lekgolo, a mmotsa gore a e setse e le sebaka a ntse a sule. Ya re a sena go utlwa mo molaoding-wa-lekgolo, a neela Josefa serepa. Yo a reka lesela, a mo pagolola, a mo phuthela ka lone, a ba a mmaya mo lebitleng le le neng le gabilwe mo lefikeng; a ba a pitikela lentswe mo mojakong wa lone. Maria Magtalena le Maria mma Jose ba bona fa a fitlhilweng teng. E rile Sabata a sena go feta, Maria Magtalena le Maria, mma Jakobo, le Salome ba reka ditlolo tse di nkgang monate gore ba ye go mo tlotsa. Ya re ka moso phakela, ka letsatsi la ntlha la beke, ba fitlha fa lebitleng, letsatsi le tlhaba. Foo ba raana ba re: “Ke mang yo o tla re pitikololelang lentswe fa mojakong wa lebitla?” Mme ya re ba leba, ba bona lentswe le pitikolotswe; gonne le ne le le legolo thata. Ya re ba tsena mo lebitleng, ba bona lekau le ntse ka fa ntlheng ya le le jang, le apere kobo e tshweu; ba be ba rerega. La ba raya la re: “Se reregeng; lo batla Jesu wa Nasaretha yo o neng a bapotswe. O tsogile, ga a yo fa! Bonang felo fa ba ne ba mmeile teng! Jaanong yaang lo bolelele barutwa ba gagwe le Petoro gore o lo etelela pele go ya kwa Galelea; lo tla mmona teng, ka fa a lo boleletseng ka teng.” Ke fa ba tswa mo lebitleng, ba tshaba; gonne thoromo le therego di ne di ba tshwere; mme ba se ka ba bua sepe le ope, ka gonne ba boifa. Ya re a sena go tsoga e sa le ka moso ka letsatsi la ntlha la beke, a bonala pele kwa go Maria Magtalena yo a kileng a kgarameletsa medemone e e supang ntle mo go ene. Ene a ya a bolelela bone ba ba neng ba na le Jesu, ba hutsafetse, ba lela. Mme bone, ya re ba utlwa gore o a phela, e bile o bonywe ke ene, ba se ka ba dumela. Morago ga moo a iponatsa go ba le babedi ba bone ka popego e sele, fa ba tsamaya ba ya kwa nageng. Le bone ba ya ba bolelela ba bangwe; mme le bone ba se ka ba ba dumela. La bofelo a iponatsa go ba ba 11, ba ntse fa dijong, a kgalemela go sa dumeleng ga bone le bopeloethata jwa bone, ka ba se ka ba dumela ba ba mmonyeng a sena go tsosiwa. A ba a ba raya a re: “Yaang le lefatshe lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Efangele. Yo o dumelang, a ba a kolobediwa, o tla pholosiwa; yo o sa dumeleng ene o tla atlholwa. Ditshupo tse di tla supelang ba ba dumelang ke tse: Ba tla kgarameletsa medemone ntle ka leina la me; ba tla bua ka diteme tse dintšhwa. Ba tla tsholetsa dinoga; mme le fa ba ka nwa se se bolayang, ga se nke se ba dira sepe. Ba tla baya balwetse diatla, mme ba tla fola.” Jaanong e rile Morena Jesu a sena go bua nabo, a tsholelediwa kwa legodimong, a nna ka fa ntlheng ya le le jang la Modimo. Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang. Batho ba le bantsi ba setse ba dirile letsapa la go kwala ka thulaganyo polelo ya tse di dirafetseng mo go rona, tse di tlhomameng, fela jaaka re di neilwe ke ba ba di bonyeng ka matlho go tswa kwa tshimologong, mme ba nna badiredi ba Lefoko. Le nna, ya re ke sena go tlhotlhomisa tsotlhe ka botlalo go tswa tshimologong, ka gopola gore go ka nna molemo go di go kwalela ka thulaganyo, wena Theofilo yo o tlotlegang segolo, gore ò tle ò itse boikanyego jwa mafoko a ò a rutilweng. Mo malatsing a ga Herote, kgosi ya Jutea, go ne go le moperesiti mongwe yo leina la gagwe e leng Sagaria, wa lesomo la ga Abia; mosadi wa gagwe e ne e le wa bomorwadia Arone, leina la gagwe e le Elisabete. Ba bo ba siame fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena, ba se na molato. Mme ba bo ba se na ngwana, ka Elisabete e le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse ka bobedi jwa bone. Ya re a dira tiro ya boperesiti fa pele ga Modimo ka fa thulaganyong ya lesomo la gagwe, a tshwarwa ke tengwa ka fa tlwaelong ya boperesiti go tsena mo Tempeleng ya Morena gore a tshube maswalo. Mme phuthego yotlhe ya batho ya bo e rapela, e le ka fa ntle ka nako ya go tshuba maswalo. Ke fa go bonala fa go ene moengele wa Morena, a eme ka fa ntlheng ya le le jang ya aletare ya maswalo. Ya re Sagaria a mmona, a rerega, mme poifo ya mo wela. Moengele a mo raya a re: “Sagaria, ò se ka wa boifa; gonne thapelo ya gago e utlwilwe. Elisabete, mosadi wa gago, o tla go belegela ngwana wa mosimane, mme ò bitse leina la gagwe Johane. O tla nna le boitumelo le boipelo; mme ba bantsi ba tla itumelela go tsalwa ga gagwe; ka gonne o tla nna mogolo fa pele ga Morena. Ga a nke a nwa weine, le fa e le seno se se tagang, mme o tla tlala Mowa o o Boitshepo go tloga sebopelong sa ga mmaagwe. Ba bantsi ba bomorwa Iseraele o tla ba sokololela go Morena, Modimo wa bone. O tla mo etelela pele mo moweng le mo thateng ya ga Elia go sokololela dipelo tsa borra-bana mo baneng, le ba ba sa utlweng go ba sokololela mo maikutlong a basiami, go baakanyetsa Morena setšhaba se se etleeditseng.” Sagaria a raya moengele a re: “Seo ke tla se lemoga ka eng? Gonne ke monna mogolo, le mosadi wa me o tsofetse.” Moengele a mo araba a re: “Ke nna Gaberiele yo ke emeng fa pele ga Modimo; mme ke romilwe go bua nao le go go bolelela mafoko ao a boitumelo. Mme bona, o tla nna semumu, o retelelwa ke go bua go fitlha mo letsatsing le dilo tseo di tla dirafalang ka lone, ka o sa dumela mafoko a me a a tla dirafadiwang ka sebaka sa ona.” Mme batho ba bo ba lebeletse Sagaria, jaanong ba gakgamalela tiego ya gagwe mo Tempeleng. Ya re a tswa, a retelelwa ke go bua nabo; ba lemoga gore o bonye pontsho mo Tempeleng. Mme a nna a ba gwetlha, a fela a le semumu. Ya re malatsi a tirelo ya gagwe a sena go feta, a ya kwa gae. E rile morago ga malatsi ao, Elisabete, mosadi wa gagwe, a ithwala, a ba a iphitlha dikgwedi tse tlhano a re: “Morena o ntiretse jalo mo malatsing a o nkgopotseng ka ona go ntlosa kgobo mo bathong.” E rile ka kgwedi ya borataro moengele Gaberiele a rongwa ke Modimo kwa motseng wa Galelea o leina la ona e leng Nasaretha, kwa lekgarebeng le le beeletsweng ke monna yo leina la gagwe e leng Josefa, wa kgotla yoora Dafita, leina la lekgarebe e le Maria. Ya re moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela, yo o tlhogonolofaditsweng, Morena o na nao; o tshegofaditswe mo basading.” Ya re a mmona, a rerega thata ka lefoko leo, a akanya tumediso eo gore ke e ntseng jang. Moengele a mo raya a re: “Maria, ò se ka wa boifa; gonne ò bonye bopelotlhomogi mo Modimong. Reetsa: O tla ithwala, ò belega ngwana wa mosimane, leina la gagwe ò le bitse Jesu. Ene yoo o tla nna mogolo, a bidiwa Morwa Mogodimodimo. Morena Modimo o tla mo naya sedulo sa bogosi sa ga Dafita rraagwe. O tla nna kgosi mo ntlong ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo nke bo nna le bokhutlo.” Maria a raya moengele a re: “Seo se tla dirafala jang, ka ke sa itse monna?” Moengele a mo araba a re: “Mowa o o Boitshepo o tla tla mo go wena, le thata ya Mogodimodimo e tla go ritifalela; mme ka ntlha ya moo ngwana yo o boitshepo yo o tla belegwang ke wena o tla bidiwa Morwa Modimo. Bona, Elisabete wa ga eno le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; kgwedi eno ke ya borataro ya gagwe, ene yo o neng a bidiwa moopa. Gonne ga go na sepe se se ka palelang Modimo.” Foo Maria a re: “Bona, ke lelata la Morena; a go ntirafalele ka fa lefokong la gago.” Jaanong moengele a mo tlogela. Mo malatsing ao Maria a nanoga, a ya ka potlako kwa lefatsheng la makgabana, kwa motseng mongwe wa Juta, a feta a tsena mo ntlong ya ga Sagaria, a dumedisa Elisabete. Ya re Elisabete a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo mpeng ya gagwe. Mme Elisabete a tlala Mowa o o Boitshepo, a tlhatlosa lentswe a re: “O tshegofaditswe mo basading, go bile go tshegofaditswe leungo la mmele wa gago. Seo se ntswela kae, fa mma Morena wa me a ka tla kwano go nna? Gonne bona, e rile lentswe la tumediso ya gago le tsena mo ditsebeng tsa me, ngwana a tlola ka boipelo mo mpeng ya me. Mme go sego yo o dumetseng, ka gonne tse ò di boleletsweng ke Morena di tla dirafala.” Maria a re: “Pelo ya me e godisa Morena, mowa wa me o ipelela Modimo, Mopholosi wa me. Gonne o ne a leba bobotlana jwa lelata la gagwe. Bona, go tloga jaanong ditshika tsotlhe di tla mpitsa yo o sego; ka gonne Yo-o-thata o ntiretse tse dikgolo; leina la gagwe le boitshepo. Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo mo go ba ba mmoifang mo ditshikatshikeng. O dirile ka thata ya letsogo la gagwe; a falatsa ba ba ikgodisang mo kakanyong ya dipelo tsa bone. O digile dikgosi tse di thata mo ditulong tsa tsona tsa bogosi; a godisa ba babotlana. Ba ba tshwerweng ke tlala o ba kgorisitse tse di molemo; mme bahumi a ba tsamaisa ba iphotlhere. O thusitse Iseraele, motlhanka wa gagwe, a gopola boutlwelo-botlhoko, fela jaaka a buile le borraetsho, e leng Aborahame le losika lwa gagwe ka bosakhutleng.” Mme Maria a nna nae, e ka nna dikgwedi tse tharo, a ba a boela kwa gae. Jaanong lobaka lwa ga Elisabete lwa go belega lwa fitlha, mme a belega ngwana wa mosimane. E rile baaga-mmogo le ba ga gabo ba utlwa gore Morena o mo godiseditse boutlwelo-botlhoko jwa gagwe, ba itumela nae. Ya re ka letsatsi la robobedi ba tla go rupisa ngwana, mme ba re ba mmitsa Sagaria ka leina la ga rraagwe. Mme mmaagwe a araba a re: “E seng jalo! O tla bidiwa Johane.” Ba mo raya ba re: “Ga go na ope mo go ba ga eno yo o bidiwang ka leina leo.” Ba gwetlha rraagwe, ba mmotsa gore o rata ngwana a bidiwe mang? Ya re a sena go lopa letlapa, a kwala a re: “Leina la gagwe ke Johane.” Mme ba gakgamala botlhe. Foo molomo wa gagwe wa bulega ka bonako, le loleme lwa gagwe lwa funologa, a ba a bua, a baka Modimo. Poifo ya wela botlhe ba ba agileng tikologong ya bone; dikgang tsotlhe tseo tsa bolelwa mo lefatsheng lotlhe la makgabana la Jutea. Botlhe ba ba di utlwang ba di tshola ka pelo ba re: “Kana ngwana yo, o tla nna eng?” Gonne letsogo la Morena le ne le na nae. Jaanong Sagaria rraagwe a tlala Mowa o o Boitshepo, a bua ka ona a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele; gonne o lekotse morafe wa ona, wa o direla kgololo. O re emiseditse lonaka lwa pholoso mo ntlong ya ga Dafita, motlhanka wa ona, jaaka o buile ka melomo ya baporofeti ba ona ba ba boitshepo go tswa metlheng ya bogologolo wa re: O tla re namolela mo babeng ba rona, le mo mabogong a botlhe ba ba re tlhoileng, gore o direle borraetsho boutlwelo-botlhoko, o be o gopole kgolagano e e boitshepo ya ona, e bong ikano e o e ikanetseng Aborahame rraetsho, go re naya gore e re re golotswe mo mabogong a baba ba rona, re o direle re se na poifo, re le mo boitshepong le mo tshiamong fa pele ga ona ka malatsi otlhe a rona. Mme le wena, ngwana, o tla bidiwa moporofeti wa Mogodimodimo; gonne o tla etelela Morena pele go baakanya ditsela tsa gagwe, go naya morafe wa gagwe kitso ya pholoso ka go itshwarelwa dibe tsa ona, ka ntlha ya boutlwelo-botlhoko jo bo boteng jwa Modimo wa rona, jo tlhabo ya lesedi e e tswang kwa godimo e tla re lekolang ka jona, go sedimosetsa ba ba ntseng mo lefifing le mo moriting wa loso, go siamisetsa dinao tsa rona mo tseleng ya kagiso.” Mme ngwana a gola, a tia mo moweng; a ba a nna mo dikakeng go fitlha mo letsatsing la go ipontsha mo go Iseraele. E rile mo malatsing ao ga tswa taolo kwa go Kaisara Auguseto gore lefatshe lotlhe le kwalwe. Go kwalwa moo ga ntlha go dirilwe fa Kirenio a le molaodi wa Siria. Botlhe ba ya go kwalwa, mongwe le mongwe a ya kwa motseng wa ga gabo. Josefa le ene a tswa kwa Galelea mo motseng wa Nasaretha, a tlhatlogela kwa Jutea kwa motseng wa ga Dafita o o bidiwang Betleheme, ka a le wa kgotla yoora Dafita; a ya go kwalwa le Maria, mosadi yo a mmeeletseng, a le moimana. Ya re ba le koo, ga fitlha malatsi a o tla belegang ka ona, a ba a belega morwawe wa ntlha, a mo phutha ka masela, a mo latsa mo segopong sa dipitse; ka gonne ba ne ba se na bonno mo ntlong ya baeti. Go ne go le badisa mo lefatsheng leo, ba le kwa nageng, ba tlhokometse letsomane la bone bosigo. Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya bonega dintlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo. Moengele a ba raya a re: “Se boifeng; gonne bonang, ke lo tsiseditse mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo jo e tla nnang jwa batho botlhe; ka gonne gompieno lo tsaletswe Mogolodi mo motseng wa ga Dafita, yo e leng Keresete Morena. “Mme se e tla nnang sesupo mo go lona ke se: Lo tla fitlhela lesea le phuthilwe ka masela, le letse mo segopong sa dipitse.” Ka tshoganyetso bontsi jwa masomo a legodimo jwa nna le moengele, jwa baka Modimo jwa re: “Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.” Ya re baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: “A re yeng tlhe kwa Betleheme, re bone selo se, se se dirafetseng, se Morena o se re itsisitseng.” Ba ya ka bonako, ba fitlhela Maria le Josefa le lesea le letse mo segopong sa dipitse. Ya re ba sena go bona, ba bega lefoko le ba le boleletsweng ka ga ngwana yo. Mme botlhe ba ba utlwang ba gakgamalela tse ba di boleletsweng ke badisa. Maria a boloka dipolelo tsotlhe tseo, a di akanya mo pelong ya gagwe. Jaanong badisa ba boa, ba galaletsa Modimo, ba o boka ka ntlha ya tsotlhe tse ba di utlwileng le tse ba di bonyeng, fela jaaka ba ne ba boleletswe. E rile malatsi a a robedi a sena go feta a gore ngwana a rupisiwe, leina la gagwe la bidiwa Jesu, le a le teilweng ke moengele, a ise a ithwalwe. Ya re malatsi a phepafatso ya gagwe a sena go feta ka fa molaong wa ga Moše, ba mo isa kwa Jerusalema go mo supa fa pele ga Morena, fela jaaka go kwadilwe mo molaong wa Morena ga twe: “Mosimane mongwe le mongwe wa maitibolo o tla bidiwa moitshepi wa Morena.” Ba ya go ntsha setlhabelo ka fa go builweng mo molaong wa Morena ka teng, e bong sa maphoi a le mabedi, gongwe maebana a le mabedi. Go ne go le motho mo Jerusalema yo leina la gagwe e leng Simeone; motho yoo a bo a siame, e le mmoifa-Modimo, a lebeletse kgomotso ya Iseraele, mme Mowa o o Boitshepo o le mo go ene. O kile a senolelwa ke Mowa o o Boitshepo gore ga a nke a bona loso, a ise a bone Motlodiwa wa Morena. A isiwa ke Mowa kwa Tempeleng. Ya re batsadi ba tsisa ngwana Jesu go mo direla ka fa mokgweng wa molao, a mo tshola ka mabogo, a boka Modimo a re: “Morena, jaanong o naya motlhanka wa gago tsela, ka fa lefokong la gago, go ya ka kagiso; ka gonne matlho a me a bonye pholoso ya gago e o e etleeditseng mo matlhong a merafe yotlhe, e bong lesedi le le tla senogelang baheitane le go galaletsa morafe wa gago wa Iseraele.” Mme rraagwe le mmaagwe ba gakgamalela dilo tse di buiwang ka ga gagwe. Jaanong Simeone a ba tshegofatsa, a raya Maria mmaagwe a re: “Bona, ngwana yo o beetswe go wa le go tsoga ga ba bantsi mo go Iseraele, le go nna sesupo se se ganediwang. Le wena ka wesi lerumo le tla phunyeletsa mowa wa gago, gore megopolo ya dipelo tse dintsi e senolwe.” Le gona ga bo go le Hana moporofeti, morwadia Fanuele, wa lotso lwa ga Asere; yoo a bo a tsofetse thata, mme o ne a phedile le monna wa gagwe dinyaga tse di supang go tloga mo bokgarebeng jwa gagwe. E ne e le motlholagadi yo o ka nnang dinyaga di le 84, yo o sa tlogeng mo Tempeleng, a direla Modimo ka go itima dijo le ka merapelo bosigo le motshegare. Yoo a tla ka yona nako eo, a leboga Modimo, a bua ka ga gagwe le botlhe ba ba lebeletseng kgololo ya Jerusalema. Ya re ba sena go swetsa tsotlhe ka fa molaong wa Morena, ba boela kwa Galelea kwa motseng wa ga bone wa Nasaretha. Ngwana ene a gola, a tia, a tlala botlhale, mme tshegofatso ya Modimo e ne e le mo go ene. Jaanong bagolo ba gagwe ba ne ba tle ba ye kwa Jerusalema ka dinyaga tsotlhe kwa moletlong wa Tlolaganyo. E rile a le dinyaga di le 12, ba tlhatlogela kwa Jerusalema ka fa tlwaelong ya moletlo. Ya re ba boa ba sena go swetsa malatsi, ngwana Jesu a sala mo Jerusalema, bagolo ba gagwe ba sa itse. Mme ka ba gopotse gore o mo lesomong la baeti, ba tsamaya leeto la letsatsi, ba mmatla mo go ba ga bone le mo go ba ba itsanyeng nabo. Ya re ba sa mmone, ba boela kwa Jerusalema, ba ntse ba mmatla. Ya re malatsi a le mararo a sena go feta, ba mo fitlhela mo Tempeleng, a ntse mo gare ga baruti, a ba reeditse, a bile a ba botsolotsa. Botlhe ba ba mo utlwang ba gakgamalela tlhaloganyo le dikarabo tsa gagwe. Ya re ba mmona, ba gamarega. Mme mmaagwe a mo raya a re: “Ngwanaka, o ne o re direlelang jalo? Bona, rraago le nna re go batlile ka bohutsana.” A ba raya a re: “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?” Mme ba se ka ba tlhaloganya lefoko le a le buang nabo. Mme a tsamaya nabo, a fitlha mo Nasaretha, a ba utlwa; mmaagwe a boloka mafoko aotlhe ao mo pelong. Jesu a tota mo go tlhalefeng le mo bogolong le mo go ratweng ke Modimo le batho. E rile ka ngwaga wa 15 wa puso ya Kaisara Tiberio, fa Pontio Pilato a le molaodi wa Jutea, le Herote a le kgosi ya Galelea, le Filipo morwa-rraagwe a le kgosi ya Iturea le lefatshe la Teragoniti, le Lesania a le kgosi ya Abilene, le Hanase le Kaifase e le baperesiti ba bagolo, Lefoko la Modimo la tla kwa go Johane, morwa Sagaria, a le mo sekakeng. Jaanong a fitlha mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya tlhabologo e e isang boitshwarelong jwa dibe, ka fa go kwadilweng ka teng mo lokwalong lwa mafoko a ga Jesaya wa Moporofeti ga twe: “Lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: ‘Baakanyang tsela ya Morena, siamisang mebila ya gagwe! A dikhuti tsotlhe di katelwe, dithaba tsotlhe le dithota di phadimolwe; ditsela tse di manyokenyoke di tlhamaladiwe, tse di magwata di rethefadiwe! Foo batho botlhe ba tla bona pholoso ya Modimo.’ ” Ya baa gona a rayang masomo a batho ba ba tsileng go kolobediwa ke ene a re: “Losika lwa dinoga ke lona! Lo tlhagisitswe ke mang go tila bogale jo bo tlang? Ka moo, ntshang maungo a a tshwanetseng tlhabologo. Lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re bana ba ga Aborahame’; gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go tsosetsa Aborahame bana ka majwe a. Mme le gona selepe se setse se beilwe mo meding ya ditlhare; jaanong he, setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le molemo se tla rengwa, se latlhelwa mo molelong.” Foo batho ba mmotsa ba re: “Jaanong re dire eng?” A ba araba re: “Yo o nang le dikobo di le pedi, a a abele yo o se nang epe; le yo o nang le dijo, a a dire jalo.” Bakgethisi le bone ba tla go kolobediwa, ba mmotsa ba re: “Moruti, rona re dire eng?” A ba raya a re: “Se kgethiseng go fetisa mo lo go laetsweng.” Batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme fa e le rona, re dire eng?” A ba raya a re: “Se gateleleng ope, se lefiseng ope ka patiko; mme lo itumelele tuelo ya lona fela.” Ya re batho ba le mo tebelelong, mme botlhe ba akanya mo dipelong tsa bone ka ga Johane gore a jaana ga e ka ne e le ene Keresete, Johane a ba raya botlhe a re: “Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme go tla tla yo o nonofileng bogolo go nna, yo ke sa lekanang go funolola kgole ya ditlhako tsa gagwe; ene yoo o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo. Loselo lwa gagwe lo mo seatleng sa gagwe go olosetsa ruri se se mo seboaneng sa gagwe, le go phuthela mabele mo sefaleng sa gagwe, mme moko o tla o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.” A nna a rerela batho Efangele, a ba laya le ka mafoko a mantsi a mangwe. Jaanong ya re kgosi Herote a kgalemelwa ke ene ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe le ka ntlha ya tsotlhe tse di bosula tse Herote a di dirileng, a fela a oketsa tsotlhe tseo ka go tswalela Johane mo ntlong ya kgolegelo. Ya re batho botlhe ba kolobediwa, Jesu le ene a sena go kolobediwa, mme a rapela, legodimo la bulega, mme Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene ka popego ya lephoi, mme ga utlwala lentswe le le tswang kwa legodimong le re: “O Morwaake yo o rategang, yo ke go itumelelang.” E rile Jesu a simolola go ruta, a bo a na le dinyaga tse di ka neng di le 30, mme – jaaka go ne go gopolwa – ya bo e le morwa Josefa, wa ga Eli, wa ga Mathate, wa ga Lefi, wa ga Melegi, wa ga Janai, wa ga Josefa, wa ga Mathatia, wa ga Amose, wa ga Nahume, wa ga Esedi, wa ga Nagai, wa ga Maathe, wa ga Mathatia, wa ga Simei, wa ga Josega, wa ga Jota, wa ga Joanane, wa ga Resa, wa ga Serubabele, wa ga Salathiele, wa ga Neri, wa ga Melegi, wa ga Adi, wa ga Kosame, wa ga Elematame, wa ga Ere, wa ga Jesua, wa ga Eliesere, wa ga Jorime, wa ga Mathate, wa ga Lefi, wa ga Simeone, wa ga Juta, wa ga Josefa, wa ga Joname, wa ga Eliakime, wa ga Melea, wa ga Menane, wa ga Mathata, wa ga Nathane, wa ga Dafita, wa ga Isai, wa ga Obete, wa ga Boase, wa ga Salema, wa ga Nasone, wa ga Aminatabe, wa ga Rame, wa ga Heserone, wa ga Pherese, wa ga Juta, wa ga Jakobe, wa ga Isaka, wa ga Aborahame, wa ga Thara, wa ga Nahore, wa ga Seruge, wa ga Rehu, wa ga Phelege, wa ga Ebere, wa ga Sela, wa ga Kenane, wa ga Arephagasadi, wa ga Seme, wa ga Noa, wa ga Lamege, wa ga Methusala, wa ga Henoge, wa ga Jarete, wa ga Mahalalele, wa ga Kenane, wa ga Enose, wa ga Sethe, wa ga Atame, wa Modimo. Jaanong Jesu a boa kwa Joretane, a tletse Mowa o o Boitshepo, a ba a gogelwa ke Mowa kwa le kwa mo sekakeng ka malatsi a le 40, a ntse a raelwa ke Diabolo; mme a sa je sepe mo malatsing ao; ya re a sena go feta, Jesu a tshwarwa ke tlala. Jaanong Diabolo a mo raya a re: “E re fa o le Morwa Modimo, raya lentswe le, le fetoge senkgwe.” Jesu a mo araba a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a nke a phela ka senkgwe fela, mme o phela ka Lefoko lengwe le lengwe la Modimo.’ ” Foo Diabolo a mo tlhatlosetsa kwa thabeng e e godimo, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe ka ponyo ya leitlho. Diabolo a mo raya a re: “Ke tla go naya borena jotlhe jo, le kgalalelo ya jona; gonne ke bo filwe, mme ke bo naya yo ke ratang go bo mo naya. Jaanong, fa o ka nkobamela, e tla nna jwa gago jotlhe.” Jesu a mo araba a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Obamela Morena, Modimo wa gago, o direle ena a le esi fela.’ ” Ke fa a mo gogela kwa Jerusalema, a mo emisa mo setlhoeng sa Tempele, a mo raya a re: “E re fa o le Morwa Modimo, o itatlhele kwa tlase, o le fano; gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tla laela baengele ba gagwe ka ga gago gore ba go boloke’; le gona ga twe: ‘Ba tla go kuka ka diatla, e se re gongwe dinao tsa gago tsa kgopiwa ke lentswe.’ ” Jesu a mo fetola a re: “Go tilwe: ‘O se ka wa leka Morena, Modimo wa gago.’ ” Ya re Diabolo a sena go wetsa thaelo yotlhe, a mo tlogela go ya go fitlha nakong e e lebanyeng. Jesu a boela kwa Galelea ka thata ya Mowa; mme tumo ya gagwe ya tswela mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong. A ruta mo disenagogeng tsa bone, a tlotlomadiwa ke botlhe. A fitlha mo Nasaretha, kwa a goletseng teng, a ba a tsena mo senagogeng ka letsatsi la Sabata ka fa tlwaelong ya gagwe, mme a ema gore a buise. Foo a neelwa lokwalo lwa moporofeti Jesaya. Ya re a phutholola lokwalo, a bona felo fa go kwadilweng teng ga twe: “Mowa wa Morena o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Efangele; a ba a nthoma go fodisa ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwi kgololo, le difofu go baa di bona, le ba ba ketekilweng go ba naya tsela ba golotswe, go bolela ngwaga o o monate wa Morena.” Ya re a sena go phutha lokwalo le go lo neela modiredi, a nna fa fatshe, mme botlhe ba ba mo senagogeng ba ne ba mo tsepile matlho. Jaanong a simolola go ba raya a re: “Se se kwadilweng fa, se dirafetse kajeno, lwa se ikutlwela.” Botlhe ba supa ka ga gagwe, ba gakgamalela mafoko a a monate a a tswang mo molomong wa gagwe ba re: “Yo, a ga se morwa Josefa?” A ba raya a re: “Kana lo tla nthaya ka seane lo re: ‘Ngaka, iphodise! Tsotlhe tse re di utlwetseng di dirafetse kwa Kaperenaume, di dire le mono motseng wa ga eno.’ ” A ba a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga go moporofeti ope yo o lebosegang mo motseng wa ga gabo. “Mme ka boammaaruri ke lo raya ke re: Go ne go le batlholagadi ba le bantsi mo Iseraele mo malatsing a ga Elia, fa legodimo le tswetswe dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro, go le tlala e kgolo mo lefatsheng lotlhe; mme Elia ga a ka a rongwa kwa go ope wa bone, fa e se kwa Sarefathe mo lefatsheng la Sitone kwa mosading wa motlholagadi. E bile go ne go le balepero ba le bantsi mo Iseraele mo metlheng ya ga Elisa moporofeti; mme ga go a ka go fodisiwa ope wa bone, fa e se Naamane wa Mosiria.” Ya re ba utlwa dilo tseo, botlhe ba ba mo senagogeng ba tlala bogale, ba nanoga ba mo kgarameletsa kwa ntle ga motse, ba mo isa kwa makgotlhong a thaba e motse wa bone o agilweng mo go yona, gore ba mo digele kwa tlase. Mme ene a ba ralala, a tsamaya. Jaanong a ya kwa Kaperenaume, motseng wa Galelea, a ba ruta ka malatsi a Sabata, mme ba gamaregela thuto ya gagwe, ka gonne lefoko la gagwe le ne le na le thata. Mo senagogeng ga bo go le motho yo o nang le mowa wa modemone o o itshekologileng a goela godimo a re: “Ao! Re na le eng le wena, Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke go itse gore o mang, o Moitshepi wa Modimo.” Jesu a o kgalemela a re: “Didimala o tswe mo go ene!” Mme ya re modemone o sena go mo piriganyetsa mo gare ga bone, wa tswa mo go ene, o sa mo utlwisa botlhoko. Foo botlhe ba tshoga ka kgakgamalo, ba raana ba re: “Lefoko le ke la eng? Ka gonne o laola mewa e e itshekologileng ka thata le ka nonofo, mme e tswe.” Mme tumo ya gagwe ya tswela kwa mafelong otlhe a lefatshe le le mo tikologong. Jaanong a nanoga, a tswa mo senagogeng, a tsena mo ntlong ya ga Simone. Mogwagwadia Simone a bo a tuka bolelo thata, mme ba mo mo rapelela. Jesu a ema, a mo okama, a kgalemela go fisa, mme ga mo tlogela; a akofa a tsoga, a ba direla. Ya re letsatsi le phirima, botlhe ba ba nang le ba ba lwalang malwetse a mefutafuta ba ba tsisa kwa go ene; a baya mongwe le mongwe wa bone diatla, a ba fodisa. Medemone le yona ya tswa mo go ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e lesa go bua; gonne e ne e itse gore ke ene Keresete. Ya re bo sa, a tswa a ya felong gongwe fa go senya; mme batho ba mmatla ka bontsi, ba tla kwa go ene, ba mo thibela gore a se ba tlogele. A ba raya a re: “Le metse e mengwe ke tshwanetse go e rerela Efangele ya puso ya Modimo; gonne ke se ke se rometsweng.” Mme a nna a rera mo disenagogeng tsa Galelea. Ya re Jesu a eme fa letsheng la Genesareta, batho ba mo pitlaganya go utlwa Lefoko la Modimo; a bona mekoro e mebedi e eme fa letsheng; batshwari ba ditlhapi ba bo ba dule mo go yona, ba tlhatswa matloa. A palama o mongwe wa mekoro, e le wa ga Simone, a ba a mo kopa gore a o katose lefatshe go le gonnye, a nna fa fatshe, a ruta batho a le mo mokorong. Ya re a sena go khutla go bua, a raya Simone a re: “O suteletse kwa go boteng, lo latlhele matloa a lona gore lo tshware.” Simone a fetola a re: “Moruti, re letse re itapisitse bosigo jotlhe, ga re a ka ra tshwara sepe. Le fa go ntse jalo ke tla latlhela matloa ka lefoko la gago.” Ya re ba dira jalo, ba sobokanya bontsi jo bogolo jwa ditlhapi, matloa a bone a ba a thanyega. Ba gwetlha balekane ba bone ba ba mo mokorong o mongwe gore ba tle go ba thusa. Ba tla, mme ba tlatsa mekoro e mebedi eo, mo e bileng ya batla go teba. Ya re Simone Petoro a bona, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Morena, ntlogele, ka gonne ke monna yo o boleo.” A re jalo gonne letshogo le kgakgamalo di ne di mo wetse, le botlhe ba ba nang nae, ka ntlha ya tshwaro ya ditlhapi e ba e bonyeng; fela jalo di tshwara le boJakobo le Johane, bomorwa Sebeteo, ba e leng balekane ba ga Simone. Jesu a raya Simone a re: “O se ka wa boifa; go simolola kajeno o tla nna motshwari wa batho.” Ya re ba sena go fitlhisa mekoro kwa losing, ba tlogela tsotlhe, ba mo sala morago. Bonang, e rile a le mo motseng mongwe, ga bo go le monna yo o tletseng lepero; ya re a bona Jesu, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a mo rapela a re: “Morena, fa o rata, o ka mphodisa, ka phepafala.” Morena a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata; fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako. Jesu a mo laya gore a se ka a bolelela ope, a ba a re: “Tsamaya ò ipontshe moperesiti, ò ntshetse phôlô ya gago ka fa Moše a laotseng ka teng, go nna tshupo mo go bone.” Fela tumo ya gagwe ya faladiwa bogolo; batho ba bantsi ba phuthega go utlwa le go fodisiwa malwetse a bone. Mme ene a ngongwaela, a nna kwa mafelong a a senya, a rapela. Ka lengwe la malatsi ao a bo a ruta. Bafarisai le Baruta-molao ba bo ba ntse fa fatshe, e le ba ba tswang mo motseng mongwe le mongwe wa Galelea le Jutea le kwa Jerusalema; thata ya Morena ya go fodisa e ne e na nae. Mme bonang, banna bangwe ba tsisa motho ka diphate yo o suleng mhama, ba leka go mo tsenya mo teng le go mmaya fa pele ga gagwe. Ya re ka ba sa bone ka fa ba ka mo tsenyang mo ntlong ka teng ka ntlha ya bontsi jwa batho, ba palama kwa godimo ga thulelo, ba mo folosa gare ga ditlhomeso, a le mo diphateng, ba mmaya mo gare, fa pele ga Jesu. Ya re a bona tumelo ya bone, a mo raya a re: “Monna, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Jaanong Baitsedikwalo le Bafarisai ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo o buang dikgalo? Ke mang yo o ka itshwarelang dibe, fa e se Modimo fela?” Ya re Jesu a lemoga dikakanyo tsa bone, a ba fetola a re: “Lo akanyang mo dipelong tsa lona? Mo go botlhofo ke gofe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe’ gongwe go re: ‘Tsoga o tsamae’? Mme ke tla dira gore lo lemoge, fa Morwa-Motho a na le thata mo lefatsheng ya go itshwarela dibe!” Ke fa a raya yo o suleng mhama a re: “Ke go raya ke re: Tsoga o tsee diphate tsa gago, o ye kwa ntlong ya gago!” Yoo a tsoga ka bonako fa pele ga bone, a tsaya se o neng a letse mo go sona, a ya kwa ntlong ya gagwe, a ntse a galaletsa Modimo. Foo ba tlholelwa botlhe, ba galaletsa Modimo, ba tlala poifo ba re: “Re tlhotse re bonye disitapelo.” Morago ga tseo a tswa, a tsamaya; a bona mokgethisi yo leina la gagwe e leng Lefi, a ntse fa ntlong ya kgethelo, a mo raya a re: “Ntshale morago!” Yoo a tlogela tsotlhe, a nanoga, a mo sala morago. Jaanong Lefi a mo direla moletlo o mogolo mo ntlong ya gagwe, go le bontsi jo bogolo jwa bakgethisi le jwa ba bangwe ba ba ntseng nabo fa dijong. Foo Bafarisai le Baitsedikwalo ba bone ba ngongoregela barutwa ba gagwe ba re: “Ke eng, fa lo ja, lo nwa le bakgethisi le baleofi?” Jesu a ba araba a re: “Ba ba itekanetseng ga ba batle ngaka; mme e batlwa ke ba ba lwalang. Ga ke a tla go biletsa basiami tshokologong, fa e se baleofi fela.” Gape ba mo raya ba re: “Barutwa ba ga Johane ba itima dijo gantsi, ba dira merapelo, ba Bafarisai le bone jalo; mme ba gago bone ba a ja, ba a nwa.” Jesu a ba raya a re: “A lo a tle lo itimise baetsana dijo, monyadi a sa ntse a na nabo? Malatsi a tla tla; mme e tla re monyadi a sena go tlosiwa mo go bone, e be e le gona ba tla itimang dijo mo malatsing ao.” Le gona a bua nabo ka setshwantsho a re: “Ga go ope yo o segang setsiba mo seaparong se sešwa, a se rokelele mo seaparong se se onetseng; fa a ka dira jalo, o tla gagola le sona se sešwa. Le gona setsiba se se tswang mo go se sešwa ga se nke se dumelelana le se se onetseng. Gape, ga go na ope yo o tshelang weine e ntšhwa mo makukeng a magologolo; fa go ka dirwa jalo, weine e ntšhwa e tla phantsha makuka, e tshologa, le makuka a senyega. Weine e ntšhwa e tshwanetse go tshelwa mo makukeng a mašwa; di bolokega jalo mmogo. Le gona ga go na ope yo e a reng a sena go nwa weine e kgologolo, a tloge a batle e ntšhwa; gonne a re: ‘E kgologolo e bedile.’ ” E rile ka Sabata sengwe a ralala masimo; barutwa ba gagwe ba roba diako, ba di sogotlhela mo diatleng, ba ja. Bafarisai bangwe ba ba raya ba re: “Lo direlang se se sa letlelelwang go dirwa ka Sabata?” Jesu a ba araba a re: “A ga lo ise lo buise se Dafita o se dirileng, fa a tshwerwe ke tlala, ene le ba ba neng ba na nae, jaaka a ne a tsena mo ntlong ya Modimo, a tsaya dinkgwe tsa tshupo, a ja, a ba a naya le ba ba neng ba na nae, etswe e le tse di sa letlelelwang go jewa ke ope, fa e se baperesiti fela?” A ba a ba raya a re: “Morwa-Motho ke Morena wa Sabata.” E rile ka Sabata se sengwe a tsena mo senagogeng, a ba a ruta. Ga bo go le motho teng yo seatla sa gagwe se se jang se neng se omeletse. Baitsedikwalo le Bafarisai ba mo lepa gore a o tla fodisa ka Sabata, e le gore ba bone ka fa ba ka mmayang molato ka teng, mme ene a bo a itse dikakanyo tsa bone, a raya monna yo o nang le seatla se se omeletseng a re: “Nanoga o eme mo gare!” Yoo a nanoga, a ema fa teng. Jesu a ba raya a re: “Ke a lo botsa ka re: Se se letleletsweng go dirwa ka Sabata ke eng? A ke go dira molemo, gongwe go dira bosula? A ke go pholosa bophelo, gongwe go bo senya?” A ba leba botlhe tikologong, a ba a raya motho yoo a re: “Otlola seatla!” A dira jalo, seatla sa gagwe sa fola, sa nna jaaka se sengwe. Ke fa bone ba tlala bogale jwa botsenwa, ba botsanya se ba ka se dirang Jesu. Mo malatsing ao a tswela kwa thabeng go rapela; mme a lala a rapela Modimo bosigo jotlhe. Ya re bo sa, a bitsa barutwa ba gagwe, a ba a itlhaolela ba ba 12 mo go bone, a ba bitsa baapostolo, e bong: Simone yo e bileng a mmitsa Petoro, le Andrea morwa-rraagwe, le Jakobo le Johane, le Filipo le Baretolomeo, le Matheo le Thomase, le Jakobo wa ga Alefeo, le Simone yo o bidiwang Selote, le Juta wa ga Jakobo, le Jutase Isekariote, yo o tlogileng a mo tswa ka bolotsana. Ya re a sena go fologa nabo, a ema mo felong gongwe, fa go leng lobala, a na le bontsi jo bogolo jwa barutwa ba gagwe, le lesomo le legolo la ba ba tswang mo Jutea yotlhe le Jerusalema le kwa Tiro le Sitone fa lewatleng, ba ba tsileng go mo utlwa le go fodisiwa malwetse a bone; le ba ba tshwenngwang ke mewa e e itshekologileng ba fodisiwa. Bontsi jotlhe jwa senka go mo ama; ka gonne thata e ne e tswa mo go ene, a ba fodisa botlhe. Jaanong a tlhatlosa matlho, a leba barutwa ba gagwe a re: “Go sego lona bahumanegi; gonne puso ya Modimo ke ya lona. Go sego lona ba jaanong lo tshwerweng ke tlala; gonne lo tla kgorisiwa. Go sego lona ba jaanong lo lelang; gonne lo tla tshega. “Go sego lona, motlhang batho ba lo tlhoang, ba lo tlhanogela, ba lo kgoba, ba nyefola maina a lona jaaka e kete a bosula, ka ntlha ya Morwa-Motho. Lo itumeleng ka letsatsi leo, lo be lo ipele; gonne, itseng, tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne borraabo ba ne ba direla baporofeti fela jalo. “Mme a tatlhego ya lona wee, ba lo humileng; gonne kgomotso ya lona lo setse lo e amogetse! A tatlhego ya lona wee, ba jaanong lo itladitseng dimpa; gonne lo tla bolawa ke tlala! A tatlhego ya lona wee, ba jaanong lo tshegang; gonne lo tla hutsafala lo lela! “Go latlhega lona, fa batho botlhe ba bua sentle ka ga lona; gonne borraabo ba ne ba direla baporofeti ba maaka fela jalo. “Mme lona ba lo reeditseng, ke lo raya ke re: “Ratang baba ba lona; ba ba lo tlhoileng lo ba direleng molemo. Tshegofatsang ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo kgobang. Yo o go fapholang mo lesameng lengwe, o mo neele le le lengwe; yo o go tseelang kobo, le yona kojwana o se ka wa gana ka yona. Naya mongwe le mongwe yo o go kopang; yo o go tseelang tsa gago, o se ka wa di batla gape mo go ene. Direlang batho fela jaaka lo rata ba lo direla. “Fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le tebogo efe fa pele ga Modimo? Kana baleofi le bone ba rata ba ba ba ratang. Fa lo direla bone molemo ba ba lo direlang molemo, lo na le tebogo efe? Kana baleofi le bone ba dira jalo. Fa lo adima bone fela ba lo solofetseng go amogela mo go bone, lo na le tebogo efe? Baleofi le bone ba adima baleofi gore ba amogele mo go kalo gape. Mme ratang baba ba lona, dirang molemo, ba adimeng fela, lo sa solofele sepe, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo, lo tla nna bomorwa Mogodimodimo. Gonne ene o pelontle mo go ba ba sa lebogeng le mo go ba ba bosula. Nnang kutlwelo-botlhoko, fela jaaka Rraeno a le kutlwelo-botlhoko. “Le gona, lo se ka lwa atlhola, mme ga lo nke lo atlholwa. Se boneng ope molato, mme ga lo nke lo bonwa molato. Itshwareleng, mme lo tla itshwarelwa. Nayang, mme lo tla newa. Selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se kgotlhokgoditsweng, se se tshologang, ba tla se lo naya mo dihubeng tsa lona; gonne selekanyo se lo lekanyang ka sona, lo tla be lo lekanyediwa ka sona.” Le gona a bua nabo ka setshwantsho a re: “A sefofu se ka goga sefofu? A ga di nke di wela mmogo mo lengopeng? Morutwa ga a mogolo go feta yo o mo rutang; mme mongwe le mongwe yo o rutegileng o tla nna jaaka yo o mo rutileng. “O lebelang lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena, mme o sa lemoge kota e e mo leitlhong la gago? Gongwe o ka raya mongwe-ka-wena jang o a re: ‘Motho wetsho, nte ke ntshe lofatsana lo lo mo leitlhong la gago,’ etswe o sa bone kota e e mo leitlhong la gago? Moikaketsi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele, morago ga moo o ka tlhokomela go ntsha lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena. “Gonne ga go na setlhare se se siameng se se a tleng se ungwe leungo le le bosula; le gona, ga go setlhare se se sa siamang se se a tleng se ungwe leungo le le monate. Kana setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka leungo le e leng la sona. Gonne ga go ke go fulwa difeie mo ditlhareng tse di mitlwa, le gona ga go ke go fulwa leungo la moweine mo mosung. Motho yo o molemo o ntsha se se molemo mo lohumong lo lo molemo lwa pelo ya gagwe; mme yo o bosula o ntsha se se bosula mo lohumong lo lo bosula; gonne se se tletseng ka pelo se tshologa ka molomo. “Lo mpiletsang ‘Morena, Morena,’ lo sa dire tse ke di buang? Mongwe le mongwe yo o tlang kwa go nna, a utlwa mafoko a me, a a dirisa, ke tla lo supetsa yo a tshwanang nae: O tshwana le motho yo o agileng ntlo, a epela kwa teng, a thaya motheo mo lefikeng; mme ya re morwalela o tla, metsi a a tlang ka thata a itaaka ntlo eo; mme a retelelwa ke go e tshikinya, ka e agilwe sentle. Mme yo o utlwang, a sa dirafatse, o tshwana le motho yo o neng a aga ntlo fa fatshe, e se na motheo, ya re metsi a a tlang ka thata a e itaaka, ya akofa ya wa, go ribegela ga ntlo eo ga nna gogolo.” E rile a sena go wetsa dipolelo tsotlhe tseo tsa gagwe mo ditsebeng tsa batho, a tsena mo Kaperenaume. Teng go ne go le molaodi-wa-lekgolo mongwe, a na le motlhanka yo a mo ikanyang thata, a lwala, a le gaufi le go swa. Ya re a utlwa ka ga Jesu, a roma bagolo ba Bajuta kwa go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe. Ya re ba fitlha kwa go Jesu, ba mo rapela ka tlhoafalo ba re: “Go mo tshwanetse, mo direle jalo; gonne o rata setšhaba sa rona, e bile ke ene yo o re agetseng senagoge.” Foo Jesu a ya nabo. Jaanong ya re a sa tlhole a le kgakala le ntlo, molaodi-wa-lekgolo a roma ditsala kwa go ene, a mo raya a re: “Morena, se itshwenye, gonne ga ke a lekana gore o tsene ka fa tlase ga ditlhomeso tsa me. Ke ka moo ke ikaileng gore ga ke a tshwanela go tla koo go wena; bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tla fola. Gonne le nna ke motho yo ke beilweng ka fa tlase ga taolo, ke na le batlhabani ba ba mo taolong ya me, ke raya yo ke re: ‘Tsamaya!’ a tsamae; le yo mongwe, ke re: ‘Tlaya!’ a tle, le motlhanka wa me, ke re: ‘Dira se!’ mme a se dire.” Ya re Jesu a utlwa jalo, a mo gakgamalela, a ba a retologela kwa bathong ba ba mo setseng morago a re: “Ke lo raya ke re: Ga ke ise nke ke bone tumelo e e kalokalo, le fa e le mo lseraele.” Jaanong ya re ba ba romilweng ba boela kwa ntlong, ba fitlhela motlhanka yo o neng a lwala a fodile. Ya re kamoso a ya kwa motseng o o bidiwang Naine, mme barutwa ba gagwe ba ya nae, le batho ba bantsi. Ya re a atamela kgoro ya motse, ga bo go tshotswe moswi, a isiwa kwa ntle, e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene e le motlholagadi. Bontsi jo bogolo jwa motse jwa bo bo na nae. Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.” Jaanong a atamela, a ama setsholo, mme ba ba mo tshotseng ba ema. Foo a re: “Lekau, ke go raya ke re: Tsoga!” Moswi a kanamologa, a simolola go bua, mme Jesu a mo neela mmaagwe. Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.” Polelo eo ka ga gagwe ya utlwala mo Jutea yotlhe le mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong. Jaanong barutwa ba ga Johane ba ya, ba mmegela dilo tsotlhe tseo. Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?” Ya re banna bao ba fitlha kwa go ene, ba re: “Johane Mokolobetsi o re romile kwano go wena a re: ‘A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?’ ” Mo nakong eo a bo a fodisa ba le bantsi malwetse le matlhoko le mewa e e bosula, a naya difofu di le dintsi go bona. Mme a ba araba a re: “Tsamayang, lo bolelele Johane tse lo di bonyeng le tse lo di utlwileng: Difofu di a bona, digole di a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele. Mme go sego yo o sa kgopisegeng ka ga me.” E rile barongwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, a simolola go bua le batho ka ga Johane a re: “Lo ne lo tswela kwa sekakeng go bonang? A e ne e le lotlhaka lo lo temekisiwang ke phefo? Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le motho yo o apereng diaparo tse di boleta? Kana ba ba apereng diaparo tse dintlentle le ba ba phelang mo letlepung ba mo malapeng a dikgosi. Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le moporofeti? Ee, ke lo raya ke re: E bile ke yo o fetang moporofeti. Yo ke ene go kwadilweng ka ga gagwe ga twe: ‘Bonang, ke roma morongwa wa me fa pele ga sefatlhego sa gago, yo o tla baakanyang tsela ya gago fa pele ga gago.’ Gonne ke lo raya ke re: Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go ope yo o leng mogolo go feta Johane; mme yo o leng mmotlana mo pusong ya Modimo o mogolo go mo feta.” Batho botlhe, le bone bakgethisi ba utlwile, ba ineela mo Modimong ka go kolobediwa ka kolobetso ya ga Johane. Bafarisai le Baitse-molao bone ba nyatsa maikaelelo a Modimo a go ba thusa, ka ba se ka ba kolobediwa ke ene. Morena a ba a re: “Kana batho ba kajeno nka ba tshwantsha le eng? Ba tshwana le eng? Ba tshwana le bana ba ba ntseng mo patlelong, ba bitsana ba re: ‘Re lo leleditse ditlhaka, mme ga lo a ka lwa bina; re lo opeletse tse di ledisang, mme ga lo a ka lwa lela.’ Johane Mokolobetsi o tsile, a sa je senkgwe, a sa nwe weine; mme lo a re: ‘O na le modemone.’ Morwa-Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lo a re: ‘Bonang motho wa lejabobe, monwa-bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi ke yo!’ Mme botlhale bo atlholetswe ke bana botlhe ba jona.” Jaanong mongwe wa Bafarisai a mo kopa gore a je nae. Jesu a tsena mo ntlong ya gagwe, a nna fa dijong. Mme bonang, mosadi mongwe wa motse yo e leng moleofi a utlwa gore o ntse fa dijong mo ntlong ya Mofarisai, a tsisa setlolo ka modutwana wa alabasetere, a ema ka fa morago fa dinaong tsa gagwe, a lela, a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa gagwe, a nna a mo atla dinao, a di tlotsa ka setlolo. Ya re Mofarisai yo o mo laleditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Yo, fa e ka bo e le moporofeti, a ka bo a itse gore mosadi yo o mo amang ke mang, le gore o ntse jang; gonne ke moleofi.” Jesu a tswa molomo, a mo raya a re: “Simone, ke na le lefoko nao.” Ene a re: “Moruti, bua.” Jesu a re: “Batho ba le babedi ba ne ba tsere molato mo moadiming mongwe, wa ntlha a le molato wa diranta di le 50, yo mongwe wa di le tlhano. Mme ya re ka ba se na sepe se ba ka lefang ka sona, a phimola molato wa bona ka bobedi. Jaanong yo o tla mo ratang bogolo mo go bone ke ofe?” Simone a araba a re: “Ke gopola gore e tla nna ene yo a mo itshwaretseng go le gogolo.” Jesu a mo raya a re: “O atlhotse sentle.” Jaanong a retologela kwa mosading, a raya Simone a re: “A o bona mosadi yo? Ke tsenye mo ntlong ya gago, mme ga o a ka wa mpha metsi a go tlhapa dinao; mme ene o nkolobeditse dinao ka dikeledi, a ba a di phimola ka moriri wa gagwe. Wena ga o a ka wa nkatla; mme ene, fa e sa le a tsena ga a ise a ke a khutle go nkatla dinao. Tlhogo ya me ga o a ka wa e tlotsa lookwane; mme ene o ntloditse dinao ka setlolo. Ka ntlha ya moo ke go raya ke re: Dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe; go bonala jalo, ka a ratile go le gogolo; mme yo o itshwarelwang go le gobotlana, o rata go le gobotlana.” Jaanong a raya mosadi a re: “Dibe tsa gago ò di itshwaretswe.” Ba ba ntseng nae fa dijong ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo e bileng a itshwarela dibe?” Jesu a raya mosadi a re: “Tumelo ya gago e go pholositse; tsamaya ka kagiso!” Morago ga moo a ralala metse le metsana ka go latelana, a rera, a bolela Efangele ya puso ya Modimo, a na le ba ba 12, le basadi bangwe ba ba neng ba fodisitswe mewa e e bosula le malwetse, e bong Maria yo o bidiwang Magtalena, yo go duleng medemone e e supang mo go ene, le Johana, mosadi wa ga Gusa, molebeledi wa ntlo ya ga Herote, le Susana, le bontsi jwa ba bangwe ba ba neng ba ba direla ka tse ba nang natso. Ya re batho ba le bantsi ba phuthega, le ba ba tswang mo metseng yotlhe ba tla go ene, a bua ka setshwantsho a re: “Mojwadi o kile a tswela go jwala peo ya gagwe. Ya re a ntse a jwala, tse dingwe tsa wela mo tseleng, tsa gatakwa, mme dinonyane tsa leapi tsa di ja. Tse dingwe tsa wela mo mmung o o majwe; mme ya re di sena go tlhaba, tsa omelela, ka di tlhaela bokgola. Tse dingwe tsa wela mo gare ga ditlhatshana tse di mmitlwa; mme ditlhatshana tsa mela natso, tsa di hupetsa. Tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, tsa mela, tsa ba tsa ungwa ga lekgolo.” Ya re a sena go bua dilo tse, a tlhatlosa lentswe a re: “Yoo nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!” Jaanong barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Naare, setshwantsho se, ke sa eng?” A re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a puso ya Modimo; mme ba bangwe ba newa ka ditshwantsho gore le fa ba bona, ba se ka ba bona, mme le fa ba utlwa, ba se ka ba tlhaloganya. “Mme setshwantsho se raya jaana: Peo ke Lefoko la Modimo. Tse di mo tseleng ke ba ba utlwileng, mme morago go tle Diabolo, a tlose Lefoko mo dipelong tsa bone gore ba se ka ba dumela, ba pholosiwa. Tse di mo mmung o o majwe ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole Lefoko ka boitumelo; mme ga ba na modi. Ke ba ba dumelang ka sebakanyana fela, mme mo motlheng wa thaelo ba tenege. Tse di wetseng mo ditlhatshaneng tse di mmitlwa ke bone ba ba utlwileng, mme ba tsamaya ba imelwa ke matshwenyego le mahumo le menate ya lefatshe, ba hupediwa, mme go se ke go butswe leungo lepe mo go bona. Tse di mo mmung o o siameng ke bone ba e a reng ba utlwile, ba boloke Lefoko mo pelong e ntle e e molemo, mme ba ungwe go ya pele. “Ga go na ope yo e a reng a tshubile lobone, a lo ribegetse ka sejana, le fa e le go lo baya ka fa tlase ga bolao; mme o a tle a lo tlhome mo setlhomong gore ba ba tsenang ba bone lesedi. “Gonne ga go a fitlhega sepe se se se kitlang se bonala; le gona ga go a subega sepe se se se kitlang se itsiwe, se tla mo ponatshegong. “Ka moo, tlhokomelang ka fa lo utlwang ka teng; gonne yo o nang le sengwe o tla newa; mme yo o se nang sepe, le se a itlhomang a na naso o tla se tseelwa.” Jaanong mmaagwe le bomonnawe ba tla go ene, mme ba retelelwa ke go fitlha fa go ene ka ntlha ya bontsi. A bolelelwa ga twe: “Mmaago le bomonnao ba eme kwa ntle, ba rata go go bona.” A ba fetola a re: “Mmê le bonnake ke bone ba ba utlwang Lefoko la Modimo, ba le dirisa.” Ka lengwe la malatsi ao a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja ga letsha.” Mme ba bolola. Ya re ba ntse ba tsamaya, a thulamela. Ga fologela matsubutsubu a phefo mo letsheng, metsi a ba gasegela, mme ba nna mo kotsing. Ke fa ba tla, ba mo tsosa ba re: “Moruti, Moruti, re a nyelela!” A tsoga, a kgalemela phefo le dintelo tsa metsi; tsa khutla, ga ba ga nna tidimalo. A ba raya a re: “Tumelo ya lona e kae?” Mme ba boifa, ba gakgamala, ba raana ba re: “Kana yo ke mang, fa le tsona diphefo le metsi a di laola, mme di mo utlwa?” Jaanong ba be ba tshelela kwa lefatsheng la Bagerasa le le lebaganyeng le Galelea. Ya re a tswela mo lefatsheng, monna mongwe wa kwa motseng a kgatlhana nae, a na le medemone, yo o sa bolong go tsamaya a sa apara, a sa nne mo ntlong, fa e se mo mabitleng. Ya re a bona Jesu, a goa, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, a goa a re: “Ke na le eng le wena, Jesu, Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke a go rapela: O se ka wa ntlhokofatsa.” Ke ka gonne Jesu o ne a laotse mowa o o itshekologileng go tswa mo mothong yoo. O ne o a tle o mo rutlarutle gantsi, a ba a golegwe ka dikeetane tsa mabogo le maoto, a disiwe, mme a kgaole dikgolego, a kgweelediwe ke modemone kwa mafelong a a senya. Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?” Yoo a re: “Ke Mophato,” gonne go ne go tsenye medemone e mentsi mo go ene. Jaanong ya mo rapela gore a se ka a e laola go ya moleteng o o se nang bolekanngo. Ga bo go le lekgamu la dikolobe di le dintsi teng, le fula mo thabeng. Mme medemone ya mo rapela gore a e letlelele go tsena mo go tsona. A e letlelela. Foo medemone ya tswa mo mothong, ya tsena mo dikolobeng, mme lekgamu la kgokologela ka fa makgotlhong mo letsheng, la betwa ke metsi. Ya re badisa ba bona se se dirafetseng, ba tshaba, ba se bolela mo motseng le kwa masimo. Ke fa batho ba motse ba ya go bona se se dirafetseng, ba tla kwa go Jesu, ba fitlhela motho yo medemone e duleng mo go ene, a ntse fa dinaong tsa ga Jesu, a apere, a ikutlwa sentle; mme ba boifa. Mme ba ba bonyeng ba ba bolelela ka fa yo o neng a tsenywe ke medemone a thusitsweng ka teng. Ke fa batho botlhe ba ba mo tikologong ya Bagerasa ba rapela Jesu gore a tloge mo go bone; gonne ba ne ba tshwerwe ke poifo e kgolo. Mme a palama mokoro, a boa. Jaanong monna yo medemone e duleng mo go ene a mo rapela gore a nne nae; mme Jesu a mo naya tsela a re: “Boela kwa ntlong ya gago, o bolele dilo tse dikgolo tse Modimo o di go diretseng.” Monna yoo a tloga, a tumisa mo motseng otlhe dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng. Ya re Jesu a boa, batho ba bantsi ba mo tshola ka boitumelo; gonne ba ne ba mo letetse botlhe. Mme bonang, ga tla monna yo leina la gagwe e leng Jairo, e le tlhogo ya senagoge. Yoo a wela fa dinaong tsa ga Jesu, a mo rapela gore a tsene mo ntlong ya gagwe; gonne o ne a na le ngwana wa mosetsana yo o esi, yo o ka neng a le dinyaga di le 12, yoo neng a le gaufi le go swa. Ya re a tsamaya, bontsi jwa batho jwa mo pitlaganya. Jaanong ga tla mosadi yo o sa leng a bolawa ke tshologo ya madi dinyaga di le 12, mme a feditse tsotlhe tse a phelang ka tsona mo dingakeng, mme go se ope yo o ka mo fodisang, a tla fa morago ga gagwe, a ama momeno wa seaparo sa gagwe. Ka bonako tshologo ya madi ya ema mo go ene. Ke fa Jesu a re: “Ke mang yo o nkamileng?” Ya re ba itatola botlhe, Petoro le ba ba nang nae ba re: “Moruti, bontsi bo go pitlagantse, ba kataganye fa go wena.” Mme Jesu a re: “Mongwe o nkamile; gonne ke ikutlwile gore thata e dule mo go nna.” Ya re mosadi a bona, fa a sa fitlhega, a tla a roroma, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, a ipolela fa pele ga batho botlhe se a se mo ametseng le ka fa a akofileng a fola ka teng. Ya baa gona Jesu a mo rayang a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go thusitse; tsamaya ka kagiso.” Ya re a sa ntse a bua, ga tla mongwe a tswa kwa ga gabo molaodi wa senagoge, a mo raya a re: “Morwadio o sule; se tlhole o lapisa Moruti.” Ya re Jesu a utlwa, a mo raya a re: “Se boife; dumela fela, mme ngwana o tla phedisiwa.” Ya re a tsena mo ntlong, a se ka a letlelela ope go tsena nae, fa e se Petoro le Johane le Jakobo le rramosetsana le mmaagwe. Botlhe ba bo ba lela, ba mo hutsafalela. Mme Jesu a re: “Se leleng; gonne ga a a swa, o robetse.” Mme ba mo tshega, ka ba itse gore o sule. Jesu a mo tshwara seatla, a mo raya a re: “Ngwanaka, tsoga!” Ke fa mowa wa gagwe o boa, mme a tsoga ka bonako. Jesu a laola gore a fiwe dijo. Bagolo ba gagwe ba gamarega; mme Jesu a ba laya gore ba se bolelele ope se se dirafetseng. Jaanong Jesu a bitsa barutwa ba ba 12 mmogo, a ba naya nonofo le thata ya go leleka medemone yotlhe, le go fodisa malwetse. A ba roma go rera puso ya Modimo, le go fodisa ba ba lwalang. A ba raya a re: “Lo se ka lwa tseela leeto sepe, le fa e ka nna thobane, le fa e le kgwatlha, le fa e le senkgwe, le fa e le madi, le e seng ope wa lona dikobo di le pedi. Ntlo e lo tsenang mo go yona, le fa e ka nna efe, lo nne teng, lo be lo tloge teng. Mme botlhe ba ba sa lo tsholeng, e re lo tswa mo motseng oo, lo itlhotlhore lorole mo dinaong, go nna tshupo ka ga bone.” Ba tloga, ba ralala metsana ka tatelano, ba rera Efangele, ba fodisa balwetse gongwe le gongwe. Ya re kgosi Herote a utlwa ka ga tsotlhe tse di dirafalang tseo, a akabala, ka bangwe ba ne ba re: “Johane o tsogile mo baswing.” Ba bangwe ba re: “Elia o bonetse;” ba bangwe ba re: “Moporofeti mongwe wa ba bogologolo o tsogile.” Herote a re: “Johane ke mo kgaotse tlhogo; mme yo ke utlwang dilo tse di ntseng jalo ka ga gagwe ke mang?” A ba a eletsa go mmona. Jaanong baapostolo ba boa, ba mmolelela tsotlhe tse ba di dirileng. A ba tsaya, a ya nabo kwa thoko kwa motseng o o bidiwang Betsaita. Ya re batho ba lemoga, ba mo latela. A ba tshola, a bua nabo ka ga puso ya Modimo, a fodisa ba ba tlhokang phodiso. E rile letsatsi le simolola go ngotlega, ba ba 12 ba tla kwa go ene, ba mo raya ba re: “Naya batho tsela gore ba ye kwa metsaneng le kwa merakeng mo tikologong, ba bone marobalo le dijo; gonne fano re mo sekakeng.” A ba raya a re: “Ba feng lona, ba re!” Mme ba re: “Ga re na sepe, fa e se dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, fa e se gore rona re ye go rekela batho botlhe bao dijo.” E ne e ka nna banna ba ba dikete tse tlhano. A raya barutwa ba gagwe a re: “Ba nniseng fa fatshe ka masomo, lengwe le lengwe e ka nna 50.” Ba dira jalo, ba ba nnisa botlhe fa fatshe. Jaanong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala legodimong, a di lebogela, a di nathoganya, a ba a di neela barutwa go di baya batho pele. Ba ja, ba kgora botlhe; ga ba ga selwa masadisa a a ba saletseng, a tlatsa ditlatla di le 12. Ya re a rapela a le esi, barutwa ba bo ba na nae. Jaanong a ba botsa a re: “Batho ba re, nna ke mang?” Ba araba ba re: “Ba re, o Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re, o Elia; ba bangwe gape ba re, moporofeti mongwe wa ba bogologolo o tsogile.” Jaanong a ba raya a re: “Mme lona lo a re, ke mang?” Petoro a araba a re: “O Keresete wa Modimo.” Mme Jesu a ba laya thata, a ba laola gore ba se bolelele ope jalo, a re: “Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go ganwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo le go bolawa le go tsosiwa ka letsatsi la boraro.” Jaanong a raya botlhe a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe ka letsatsi le letsatsi, a ntshale morago. Gonne motho yo o ratang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tla bo pholosa. Kana motho go ka mo thusang, le fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme ene ka esi a itatlha, gongwe a itshenyetsa? Gonne yo o tlhajwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ka ntlha ya mafoko a me, le Morwa-Motho o tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe, motlhang a tlang ka kgalalelo ya gagwe le ya ga Rraagwe le ya baengele ba ba boitshepo. Ke lo bolelela boammaaruri ka re: Go na le bangwe ba bone ba ba emeng fa, ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope, ba ise ba bone puso ya Modimo.” E rile go sena go feta malatsi a a ka robedi morago ga mafoko ao, a tsaya Petoro le Johane le Jakobo, a tlhatlogela kwa thabeng go rapela. Ya re a ntse a rapela, ponalo ya sefatlhego sa gagwe ya fetoga, seaparo sa gagwe sa nna sesweu, sa fatlha. Jaanong bonang, banna ba le babedi ba bua nae, e bong Moše le Elia, ba bonala mo kgalalelong, ba bua ka ga bokhutlo jwa botshelo jwa gagwe jo a tla bo feleletsang kwa Jerusalema. Petoro le ba ba nang nae ba bo ba tshwerwe ke boroko. Ya re ba sena go thanya, ba bona kgalalelo ya gagwe le banna ba babedi ba ba emeng nae. Ya re ba kgaogana nae, Petoro a raya Jesu a re: “Moruti, go molemo go rona go nna fa; a re direng metlaagana e le meraro, o mongwe e nne wa gago, o mongwe wa ga Moše, o mongwe wa ga Elia.” Mme a sa itse se a se buang. Ya re a bua jalo, ga tla leru, la ba ritifalela, mme ba boifa, fa banna bale ba tsena mo lerung. Foo lentswe la utlwala, le tswa mo lerung le re: “Yoo ke Morwaake yo ke mo itlhaoletseng; mo utlweng!” Ya re lentswe le sena go utlwala, Jesu a fitlhelwa a le esi. Bone ba didimala, mme mo malatsing ao ba se ka ba bolelela ope sepe sa tse ba di bonyeng. Ya re ba fologa mo thabeng ka letsatsi la ka moso, batho ba bantsi ba mo kgatlhantsha. Ke fa monna mongwe mo bontsing a kua a re: “Moruti, ke a go rapela, leba morwaake; gonne ke ngwanake yo o esi. Bona, mowa o a tle o mo tshware, mme a goe ka tshoganyetso; mowa o mo rutlarutle, a ba a phoke mafulo; ke ka sewelo fela fa o mo tlogela sebakanyana, o sa mmogise. Ke rapetse barutwa ba gago gore ba o kgarameletse ntle, mme ba reteletswe.” Jesu a araba a re: “Batho ba ba sa dumeleng, ba ba kgopo ke lona! Ke tla nna le lona go fitlhelela leng, ke lo itshoketse? Tsisa morwao kwano!” Ya re a sa ntse a tla kwa go ene, modemone wa mo rutlarutla, wa mo karalatsa. Mme Jesu a kgalemela mowa o o itshekologileng, a fodisa mosimane, a ba a mo neela rraagwe. Botlhe ba gakgamadiwa thata ke bogolo jwa Modimo. Ya re botlhe ba ntse ba gakgamaletse tsotlhe tse Jesu o di dirileng, a raya barutwa ba gagwe a re: “Tsenyang mafoko a mo ditsebeng tsa lona: Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho.” Mme ba se ka ba tlhaloganya polelo e; ya nna e e subegileng mo go bone, mo ba bileng ba se ka ba e lemoga, mme ba boifa go mmotsa ka ga yona. Jaanong ga simologa kgang mo go bone ya gore yo mogolo mo go bone ke mang. Ya re Jesu a lemoga kakanyo ya dipelo tsa bone, a tsaya ngwana, a mo emisa fa go ene, a ba raya a re: “Yo o tsholang ngwana yo ka leina la me, o a ntshola; mme yo o ntsholang, o tshola yo o nthomileng. Gonne yo o leng mmotlana mo go lona lotlhe, ke ene yo mogolo.” Johane a tswa molomo a re: “Morena, re bonye mongwe a leleka medemone ka leina la gago; ra mo iletsa, ka a sa go sale morago le rona.” Jesu a mo raya a re: “Lo se ka lwa mo iletsa; gonne yo o sa lweng le rona o a re lwela.” E rile malatsi a go tlhatlosiwa ga gagwe a atamela, a ikaelela a tiisitse pelo go ya kwa Jerusalema. A romela barongwa kwa pele; ba ya ba tsena mo motsaneng mongwe wa Basamaria gore ba mmaakanyetse teng. Mme bone ba se ka ba mo tshola, ka a gopotse go ya kwa Jerusalema. Ya re barutwa ba gagwe Jakobo le Johane ba bona, ba mo raya ba re: “Morena, a o rata, ra re molelo o fologe kwa legodimong, o ba nyeletse jaaka Elia a kile a dira?” Mme Jesu a retologa, a ba kgalemela a re: “Ga lo itse gore lo ba mowa o o ntseng jang! Morwa-Motho ga a tla go senya maphelo a batho, o tsile go a pholosa.” Mme ba ya kwa motseng o mongwe. Ya re ba ntse ba tsamaya mo tseleng, mongwe a mo raya a re: “Ke tla go sala morago gongwe le gongwe kwa o ka yang teng.” Jesu a mo raya a re: “Diphokojwe di na le mesima, le dinonyane tsa loapi di na le dintlhaga; mme Morwa-Motho ga a na fa a ka latsang tlhogo teng.” Jesu a raya yo mongwe a re: “Ntshale morago.” Yoo a re: “Morena, ntetlelele ke ye go fitlha rre pele.” Jesu a mo raya a re: “Lesa baswi ba fitlhe baswi ba bone; mme wena tsamaya, o phatlalatse tsa puso ya Modimo.” Yo mongwe le ene a re: “Morena, ke tla go sala morago; mme ntetlelele pele go laelana le ba lapa la me.” Mme Jesu a mo raya a re: “Ga go ope yo o ka nonofelang puso ya Modimo, fa e ka re a tshwere mogoma, a gadima kwa morago.” Morago ga dilo tseo Morena a tlhomamisa ba bangwe ba le 70, a ba roma ka bobedi le bobedi go mo etelela pele kwa motseng mongwe le mongwe le felong gongwe le gongwe kwa a tla fitlhang teng ka esi. Foo a ba raya a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ga ba banene. Ka moo, rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe. Tsamayang! Bonang, ke a lo roma jaaka dikwana mo gare ga diphiri. Se tsholeng kgetsana ya madi, le fa e le kgwatlha, le fa e le ditlhako. Lo se ka lwa dumedisa ope mo tseleng. Mme le fa lo tsena mo ntlong efe, buang pele lo re: ‘A kagiso e nne le ntlo e!’ Fa go le ngwana wa kagiso teng, kagiso ya lona e tla nna mo go ene; mme fa go se jalo, e tla boela kwa go lona. Lo nne mo ntlong eo, lo je lo nwe tse ba nang natso; gonne modiri o tshwanetswe ke tuelo ya gagwe. Lo se ka lwa tsamaya lo tlhomaganya matlo. Mme le fa lo tsena mo motseng ofe, mme ba lo tshola, lo je tse lo di bewang pele; lo be lo fodise balwetse ba ba mo go ona, lo ba ree lo re: ‘Puso ya Modimo e lo atametse.’ Mme le fa lo tsena mo motseng ofe, mme ba sa lo tshole, tswelang mo mebileng ya ona lo re: ‘Le lone lorole lwa motse wa lona, lo lo kgomaretseng dinao tsa rona, re a lo lo phimolela. Fela, itseng gore puso ya Modimo e atametse.’ Ke lo raya ke re: Ka letsatsi leo go tla nna botoka mo go Basotoma bogolo go motse o. “A tatlhego ya gago wee, Gorasine! A tatlhego ya gago wee, Betsaita! Gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go lona di ka bo di dirilwe mo Tiro le Sitone, ba ka bo ba sa bolo go ikwatlhaya, ba apere lesela la kgetse, ba ntse mo moloreng. Fela petso ya lona mo katlholong e tla feta ya ba Tiro le Sitone. Wena Kaperenaume, a ga o a godisiwa go fitlha legodimong? O tla fologela kwa felong ga baswi. “Yo o lo utlwang o utlwa nna; yo o lo nyatsang o nyatsa nna, mme yo o nnyatsang o nyatsa ene yo o nthomileng.” Jaanong ba ba 70 ba boa ka boitumelo ba re: “Morena, medemone le yone e re ikobela ka leina la gago.” Jesu a ba raya a re: “Ke ne ka bona Satane a wa kwa legodimong jaaka logadima. Bonang, ke lo neile thata ya go gata dinoga le diphepheng le ya go fenya nonofo yotlhe ya mmaba; ga go sepe se se ka lo direlang bosula ka gope. Fela lo se ka lwa itumelela moo, fa mewa e lo ikobela, mme itumeleng, ka maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.” Ka yona nako eo Jesu a ipela mo Moweng o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe ka gonne dilo tse o di subetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse ba e leng bana. Ee, Rara; gonne go ne go go kgatlha jalo. “Dilo tsotlhe ke di neilwe ke Rre. Ga go ope yo o itseng gore Morwa ke mang, fa e se Rara, le gore Rara ke mang, fa e se Morwa le yo Morwa o ka ratang go mo mo senolela.” Ke fa a retologela go barutwa, ba le kwa thoko a re: “Go sego matlho a a bonang tse lo di bonang; gonne ke lo raya ke re: Baporofeti ba le bantsi, le dikgosi, ba batlile go bona tse lo di bonang, mme ga ba a ka ba di bona, le go utlwa tse lo di utlwang, mme ga ba a ka ba di utlwa.” Ke fa moitse-molao mongwe a ema, a mo lalela a re: “Moruti, ke tla dirang gore ke rue bophelo jo bo sa khutleng?” Jesu a mo raya a re: “Go kwadilwe eng mo molaong? O buisa jang?” Ene a araba a re: “Rata Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka thata yotlhe le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago; le mongwe-ka-wena o mo rate jaaka o ithata.” Jesu a mo raya a re: “O arabile sentle; dira jalo, mme o tla phela.” Mme ene, ka a rata go itshiamisa, a raya Jesu a re: “Mme mongwe-ka-nna ke mang?” Jesu a araba a re: “Motho mongwe o kile a tswa Jerusalema, a ya kwa Jerigo; mme a wela mo dinokwaneng. Ya re di sena go mo apola le go mo ntsha dintho, tsa tsamaya, tsa mo tlogela a le gaufi le go swa. Ga dirafala, moperesiti mongwe a fologa ka tsela eo, mme ya re a mmona, a mo feta fela. Fela jalo le Molefi, ya re a fitlha felong foo, mme a mmona, a mo feta fela. Mme Mosamaria mongwe a eta, a fitlha fa a leng teng. Ya re a mmona, a tlhomoga pelo, a ya fa go ene, a fapa dintho tsa gagwe, a di tshela lookwane le weine, a ba a mo palamisa pelesa ya gagwe, a mo isa kwa ntlong ya baeti, a mo tlamela. Ya re kamoso a ntsha diselefera tse pedi, a di naya mong wa ntlo a re: ‘Mo tlamele, mme se o tla se ntshang bogolo go moo, ke tla se go busetsa, fa ke boa.’ “O gopolang, ke mang wa ba bararo ba, yo e neng e le mongwe-ka-ene yo o wetseng mo dinokwaneng?” Yoo a re: “Ke yo o mo diretseng ka kutlwelo-botlhoko.” Jesu a mo raya a re: “Tsamaya o dire jalo le wena.” Ya re ba ntse ba tsamaya, a tsena mo motsaneng mongwe. Mme mosadi mongwe, yo leina la gagwe e leng Maretha, a mo tsholela mo ntlong ya gagwe. A bo a na le monnawe yo o bidiwang Maria; ene o ne a nna fa dinaong tsa Morena, a reeditse lefoko la gagwe. Maretha ene a bo a kgoreletsegile thata ka go ba direla go le gogolo. A ba a tla a re: “Morena, a ga o re sepe, fa nnake a ntlogetse ke dira ke le nosi? Mo ree jaanong, a nthuse!” Mme Morena a mo araba a re: “Maretha, Maretha, o itshwenya ka tse dintsi, o bile o itlhokisa boiketlo. Mme se se batlegang ke se le sengwe fela. Fa e le Maria, o itlhaoletse kabelo e e molemo, e e se kitlang e tlosiwa mo go ene.” E rile a le kwa felong gongwe, a rapela, ya re a khutla, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Morena, re rute go rapela, jaaka Johane le ene a rutile barutwa ba gagwe.” Jesu a ba raya a re: “E re fa lo rapela, lo re: “ ‘Rraarona, yo o kwa magodimong; leina la gago a le itshepisiwe; puso ya gago a e tle; thato ya gago a e dirafale mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. O re fe kajeno sejo sa rona sa letsatsi. O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona. O se re gogele mo thaelong; mme o re golole mo bosuleng.’ ” A boa a ba raya a re: “Ke ofe mo go lona, yo e ka reng a na le tsala, mme a ya go yona bosigogare, a e raya a re: ‘Tsala, nkadima dinkgwe di le tharo, gonne tsala ya me e nkgorogetse, e tswa leetong, mme ga ke na sepe se ke tla se e bayang pele;’ mme yole a araba, a le kwa teng, a re: ‘Se ntshwenye; mojako o setse o tswetswe, le bana ba me ba na le nna mo bolaong. Ga nka ke ka tsoga, ka go naya.’ A o ka re jalo? Ke lo raya ke re: Le fa a ne a sa ka ke a tsoga, a mo naya, ka e le tsala ya gagwe, mme ka ntlha ya kemelelo ya gagwe o tla tsoga, a mo naya ka fa a tlhokang ka teng. “Le gona ke lo raya ke re: “Kopang, mme lo tla newa; batlang, mme lo tla bona; konyakonyang, mme lo tla bulelwa. “Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le yo o batlang o a bona, le yo o konyakonyang o tla bulelwa. Mme rra-bana ke ofe mo go lona, yo e a reng morwawe a mo kopa senkgwe, a mo nee lentswe, gongwe a mo kopa tlhapi, a mo nee noga mo boemong jwa tlhapi, gongwe a mo kopa lee, a mo nee phepheng? Jaanong, fa lona ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, kana Rraeno wa legodimo o tla naya bone ba ba mo kopang Mowa o o Boitshepo bogolo jang!” A ba a kgarameletsa modemone ntle, ya bo e le o o semumu. Ya re modemone o sena go tswa, motho yo o semumu a bua; mme bontsi jwa batho jwa gakgamala. Foo bangwe ba bone ba re: “O kgarameletsa medemone ntle ka Beelsebule, morena wa medemone.” Ba bangwe ba mo leka, ba batla mo go ene sesupo se se tswang kwa legodimong. Mme ene, ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a senyega, mme ntlo e e itwantshang e a wa. Fa Satane le ene a ikgaogantse le ba gagwe, bogosi jwa gagwe bo ka ema jang? Gonne lo a re, ke kgarameletsa medemone ntle ka Beelsebule. Jaanong fa nna ke kgarameletsa medemone ntle ka Beelsebule, bomorwaa-lona ba e kgarameletsa ntle ka mang? Ka moo bone ba tla nna baatlhodi ba lona. Mme fa ke kgarameletsa medemone ntle ka monwana wa Modimo, gona puso ya Modimo e fitlhile mo go lona. “E a re fa monna yo o senatla, yo o tlhometseng, a disitse lapa la gagwe, tse a nang natso di nne mo kagisong. Mme fa mongwe yo o senatla bogolo go ene a mo tlhasela, a mo fenya, o mo tseela dibolai tsa gagwe tse a di ikantseng, a abe dithopo tsa gagwe. “Yo o sa ntweleng, o a ntwantsha; yo o sa phutheng le nna, o a falatsa. “Mowa o o itshekologileng e a re o dule mo mothong, o ralale mafelo a a se nang metsi, o batla tapologo; mme e re o sa e bone, o re: ‘Ke tla boela kwa ntlong ya me e ke duleng mo go yona.’ Jaanong e re o tla, o fitlhele e feetswe, e kgabisitswe. Foo o ye, o itseele mewa e sele e e supang e e bosula go o feta; mme e tsene, e age teng; mme tsa bofelo tsa motho yoo di nne bosula go feta tsa ntlha.” Ya re a sa ntse a bua jalo, mosadi mongwe mo bontsing a tsholetsa lentswe, a mo raya a re: “Go sego mmele o o go belegeng, le mabele a o a amuleng.” Mme ene a re: “Ee, mme bogolo go sego ba ba utlwang Lefoko la Modimo, ba le boloka.” E rile bontsi bo phuthega, a simolola go bua a re: “Losika lo ke lo lo bosula; lo batla sesupo; mme ga lo kitla lo newa sesupo sepe, fa e se sa ga Jona moporofeti. Gonne Morwa-Motho o tla nna sesupo mo losikeng lo, fela jaaka Jona e ne e le sesupo mo go ba Ninife. Kgosigadi ya kwa borwa e tla nanoga mo katlholong ya bofelo, e na le banna ba losika lo, mme e tla ba bona molato; ka gonne e ne ya tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe, ya tla go utlwa botlhale jwa ga Salomo; mme kana yo o fetang Salomo o fano. Le banna ba Ninife ba tla ema mo katlholong ya bofelo, ba na le losika lo, ba lo bona molato; ka gonne ba ne ba ikwatlhaisiwa ke thero ya ga Jona; mme kana yo o fetang Jona o fano. “Ga go ope yo e a reng a tshubile lobone, a lo bee mo go fitlhegileng, le fa e le ka fa tlase ga seelo, mme o lo baya mo setlhomong, gore ba ba tsenang ba bone lesedi. Lobone lwa mmele ke leitlho la gago. Fa leitlho la gago le siame, mmele otlhe wa gago le ona o tletse lesedi; mme fa le fokola, mmele wa gago le ona o tletse lefifi. Jaanong he, ela tlhoko, e se re gongwe lesedi le le mo go wena ya bo e le lefifi. Fa mmele wa gago otlhe o tletse lesedi, go se na gope fa go leng lefifi, o tla bo o tletse lesedi otlhe, jaaka fa lobone lo go bonesa ka lesedi.” Ya re a sena go bua, Mofarisai mongwe a mo kopa gore a fitlhole nae. A tsena, a nna fa dijong. Ya re Mofarisai a bona, a gakgamala, ka a se ka a tlhapa pele ga go ja. Mme Morena a mo raya a re: “Kana lona Bafarisai, lo tlhatswa senwelo le mogotšwana ka fa ntle, mme ka fa teng lo tletse megagaru le bosula. Masilo ke lona! A yo o dirileng se se ka fa ntle ga a dira le sona se se ka fa teng? Bogolo ntshang tse di mo teng go atswa bahumanegi, mme tsotlhe di tla nna phepa mo go lona. “Mme go latlhega lona Bafarisai! Ka gonne lo kgetha sa bosome sa kgomodimetsing le sa seruane le sa merogo yotlhe; mme lo fapoga tshiamo le lorato lwa Modimo. Tse, di tshwanetse go dirwa, mme tsele tsa se ka tsa tlogelwa. “Go latlhega lona Bafarisai! Ka gonne lo rata ditulo tse di kwa pele mo disenagogeng le ditumediso mo dipatlelong. Go latlhega lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Ka gonne lo ntse jaaka diphupu tse di sa bonaleng, tse batho ba sa itseng gore a ba tsamaya fa godimo ga tsona.” Foo mongwe wa Baitse-molao a mo araba a re: “Moruti, fa o bua jalo, le rona o a re kgoba.” Mme Jesu a re: “Go latlhega le lona Baitse-molao! Ka gonne lo rwesa batho merwalo e e bokete go rwalwa, mme lona ka losi ga lo ame merwalo e, le fa e le ka monwana o le mongwe fela. Go latlhega lona! Gonne lo aga matlapa a diphupu tsa baporofeti, etswe borraeno ba ba bolaile. Ka moo lo basupi, mme lo dumalana le ditiro tsa borraeno; gonne bone ba ba bolaile, mme lona lo aga matlapa a diphupu tsa bone. Ke ka moo le jona Botlhale jwa Modimo bo buileng jwa re: ‘Ke tla roma baporofeti le baapostolo kwa go bone; mme bangwe ba bone ba tla ba bolaya, ba ba bogisa.’ Jalo madi a baporofeti botlhe a a tsholotsweng go tloga tlholegong ya lefatshe a busolosediwa losika lo, go simolola ka madi a ga Abele go tla mo mading a ga Sagaria yo o swetseng fa gare ga aletare le Tempele. Ee, ke lo raya ke re: A tla busolosediwa losika lo. “Go latlhega lona Baitse-molao! Ka gonne lo tlositse selotlele sa kitso; lona ka losi ga lo a ka lwa tsena, mme ba ba reng ba a tsena lo a ba kgoreletsa.” Ya re a sena go bua jalo nabo, Baitsedikwalo le Bafarisai ba simolola go mo leba ka bogale le go mmotsolotsa ka ga dilo di le dintsi; ba mo thaela serai gore ba tshware sengwe se se tswang mo molomong wa gagwe, ba tle ba mmone molato. E rile go sa le jalo, diketekete tsa batho di sena go phuthega, mo ba bileng ba gatana dinao, a simolola go bua pele le barutwa ba gagwe a re: “Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai, a e leng boitimokanyo. Ga go na sepe se se bipilweng, se se se kitlang se senolwa, le fa e le se se fitlhegileng, se se se kitlang se itsiwe. Ka moo, tsotlhe tse lo di buileng mo lefifing di tla utlwala mo leseding, le se lo se sebileng ditsebeng mo matlwaneng a a kwa teng se tla phatlaladiwa mo godimo ga matlo.” “Mme lona ditsala tsa me, ke lo raya ke re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme morago ba se na sepe se ba ka se dirang bogolo go moo. Mme ke tla lo supetsa yo lo tshwanetseng go mmoifa: Boifang ene yo e a reng a sena go bolaya, a bo a na le thata go latlhela mo moleteng wa molelo. Ee, ke lo raya ke re: Boifang ene. “A dirobele di le tlhano ga di rekwe ka madinyana a le mabedi? Mme ga go sepe sa tsona se se ka lebalwang fa pele ga Modimo. Le tsona dithiri tsa ditlhogo tsa lona di badilwe tsotlhe. Se boifeng; gonne lo gaisa dirobele di le dintsi.” “Ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o impolelang fa pele ga batho, Morwa-Motho le ene o tla mo ipolela fa pele ga baengele ba Modimo. Mme yo o intatolang fa pele ga batho, o tla itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo “Mongwe le mongwe yo o tla buang lefoko le le nyefolang Morwa-Motho, o ka itshwarelwa; mme yo o ka kgalang Mowa o o Boitshepo, ga a ka ke a itshwarelwa. “E re fa ba lo isa fa pele ga disenagoge le mebuso le balaodi, lo se ka lwa itshwenya gore lo tla ikarabela jang, gongwe ka eng, le fa e le gore lo tla bua eng; gonne Mowa o o Boitshepo o tla lo ruta ka nako eo tse lo tshwanetseng go di bua.” Ke fa mongwe mo bontsing a mo raya a re: “Moruti, raya morwa-rre gore a kgaogane boswa le nna.” Mme Jesu a mo raya a re: “Motho ke wena, ke mang yo o mpeileng go nna moatlhodi gongwe mokgaoganyi wa boswa jwa lona?” A boa a ba raya a re: “Elang tlhoko, lo itise mo megagarung yotlhe; gonne le fa mongwe a na le letlotlo, ga a bone bophelo ka tse a nang natso.” A ba a bua nabo ka setshwantsho a re: “Masimo a motho mongwe wa mohumi a ne a ungwa thata. Mme a ikakanya a re: ‘Ke tla dira eng, ka ke se na mo nka bolokelang thobo ya me teng?’ A ikaraba a re: ‘Ke tla dira jaana: Ke tla rutla difala tsa me, ke aga tse dikgolo, ke bolokela mabele aotlhe le dikhumo tsa me teng, jaanong ke raya mowa wa me ke re: Mowa wa me, o na le dikhumo tse dintsi tse di lekanyeng dinyaga tse dintsi. Ikhutse, o je, o nwe, o ipele.’ Mme Modimo wa mo raya wa re: ‘Lesilo ke wena! Mowa wa gago o tla tlosiwa mo go wena mo bosigong jono; mme dilo tse o di kgobokantseng e tla nna tsa ga mang?’ “Yo o iphuthelang matlotlo, mme a sa huma ka fa Modimong, o ntse jalo.” Jaanong a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke ka moo ke lo rayang ke re: Se tshwenyegeleng bophelo gore lo tla ja eng, le fa e le mmele gore lo tla apara eng. Gonne bophelo bo gaisa dijo, le mmele o gaisa diaparo. Elang magakabe tlhoko; ka gonne ga a jwale, ga a robe; le gona ga a na sefala, le fa e le ntlo ya polokelo, mme Modimo o a a otla. Lona lo gaisa dinonyane segolo jang! Ke ofe wa lona yo o ka ikoketsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhofaetsa? Jaanong fa le se sennyennyane se lo palela, lo itshwenyetsang ka tse dingwe? Elang madutla tlhoko ka fa a golang ka teng; ga a otlhe, ga a loge; mme ke lo raya ke re: Le fa e le Salomo mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa apare jaaka lengwe la ona. Mme fa Modimo o apesa jalo bojang jo bo mo nageng, jo bo leng teng gompieno, mme kamoso bo latlhelwa mo pesetsong, o tla lo apesa bogolo jang, ba tumelo e potlana ke lona! “Se batleng se lo tla se jang le se lo tla se nwang, le gona lo se ka lwa di tlhofaelela. Gonne dilo tsotlhe tse di batlwa ke merafe ya lefatshe; mme Rraeno o itse gore di batlega mo go lona. Bogolo batlang puso ya gagwe, mme dilo tsotlhe tse lo tla di okelediwa. “Se boifeng, letsomanenyana; gonne go natefetse Rraeno go lo naya puso. Rekisang tse lo nang natso, lo ntshe dikatso. Itireleng dikgwama tse di sa onaleng, e bong lohumo lo lo sa feleng kwa magodimong, kwa legodu le sa atameleng teng le kwa motoutwana o sa senyeng teng; gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsona di tla nna teng. “A matheka a lona a nne a tlamilwe, le dipone tsa lona di tuke. Lo nne jaaka batho ba ba lebeletseng morena wa bone, fa a tla boa kwa modirong wa nyalo, gore e re a tla a konyakonya, ba akofe ba mmulele. Go sego batlhanka bao ba e tla reng morena wa bone a tla, a ba fitlhele ba disitse. Ammaaruri ke lo raya ke re: O tla itlama, a ba nnisa fa dijong, a ba a tla, a ba tsholela. Mme fa e ka re a tla ka tebelo ya bobedi, le fa e le ka ya boraro, a ba fitlhela jalo, ba tla nna sego batlhanka bao. Kana fa mong wa ntlo a ka bo a itsile gore legodu le tla tla ka nako efe, o ka bo a disitse, a se ka a leseletsa ntlo ya gagwe go phunngwa. Le lona, nnang lo iketleeditse; gonne Morwa-Motho o tla tla ka nako e lo sa e gopolang.” Ke fa Petoro a mo raya a re: “Morena, setshwantsho se a o se bolelela rona fela, gongwe botlhe?” Morena a re: “Kana molebeledi yo o ikanyegang, yo o botlhale ke mang, yo morena wa gagwe o tla mo laodisang badiredi ba gagwe gore a ba abele dijo ka nako tsa teng? Go sego motlhanka yoo, yo e tla reng morena wa gagwe a tla, a mo fitlhele a dira jalo. Ammaaruri ke lo raya ke re: O tla mo laodisa tsotlhe tse o nang natso. Mme fa motlhanka yoo a ka ithaya a re: ‘Morena wa me o diega go tla,’ mme a simolola go betsa batlhanka le malata, le go ja le go nwa le go tagwa, morena wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le o sa mo lebelelang ka lone, le ka nako e o sa e itseng, mme o tla mo gagoganya, a mo naya kabelo ya gagwe le ba ba sa ikanyegeng. “Motlhanka yo o itsileng thato ya morena wa gagwe, mme a se ka a baakanya sepe, le fa e le go dira ka fa thatong ya gagwe, o tla bediwa thata. Mme yo o se kang a itse, mme a dira tse di tshwanetseng kotlo, o tla bediwa go le gonnye. Mongwe le mongwe yo o neetsweng tse dintsi, go tla batlwa tse dintsi mo go ene; yo o filweng taolo mo go tse dintsi, go tla batlwa tse di fetisang mo go ene. “Ke tsile go latlhela molelo mo lefatsheng; mme ke eletsa jang, fa o ka bo o setse o tshubilwe. Mme ke na le kolobetso e ke tla kolobediwang ka yona; mme ke tlaletswe jang go tsamae e dirafale! A lo itlhoma gore ke tsile go dira kagiso mo lefatsheng? Ke lo raya ke re: Nnyaya, mme bogolo kgaogano: gonne go tloga jaanong go tla nna ba le batlhano mo ntlong e le nngwe fela ba kgaoganye, ba bararo ba ganetsanya le ba babedi, ba babedi ba ganetsanya le ba bararo. Ba tla nna ba kgaoganye, rra-motho a ganetsa morwawe, morwa a ganetsa rraagwe; mma-motho a ganetsa morwadie, morwadi a ganetsa mmaagwe; matsalaa-motho a ganetsa ngwetsi wa gagwe, ngwetsi a ganetsa matsalaagwe.” A boa a raya batho a re: “E a tle e re lo bona leru le tlhatloga kwa bophirimatsatsi, lo akofe lo re: ‘Go tla tla mookodi,’ mme go dirafale jalo. Mme e re phefo ya borwa e foka, lo re: ‘Go tla nna mogote,’ mme go nne jalo. Baitimokanyi ke lona! Ponalo ya lefatshe le ya legodimo lo itse go e lemoga; mme go ntse jang, fa lo sa lemoge sebaka seno? “Gape, ke go reng, fa lo sa ikatlholele ka losi se e leng tshiamo? Fa o ya kwa kgosaneng, o na le moganetsi wa gago, o dire matsapa go ithuanya nae, o sa le mo tseleng, e se re gongwe a go gogela kwa moatlhoding, mme moatlhodi a go neela motlhanka, mme motlhanka a go latlhela mo ntlong ya kgolegelo. Ke go raya ke re: Ga o nke o tswa teng ka gope, o ise o lefe le lone ledinyana la bofelo.” Go ne go le bangwe teng ka yona nako eo, ba mmegela ka ga Bagalelea ba Pilato o tlhakantseng madi a bone le ditlhabelo tsa bone. Jesu a ba araba a re: “A lo itlhoma gore Bagalelea bao e ne e le baleofi go feta Bagalelea botlhe, ka ba bolailwe jalo? Ke lo raya ke re: Nnyaya; mme fa lo sa sokologe, le lona lo tla nyelela jalo lotlhe. Gongwe ba ba 18 ba turio e ba wetseng kwa Siloame, ya ba bolaya, a lo itlhoma gore ba ne ba le molato go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema? Ke lo raya ke re: Nnyaya; mme fa lo sa sokologe, le lona lo tla nyelela fela jalo lotlhe.” A ba a bua ka setshwantsho se se reng: “Motho mongwe o ne a na le mofeie, o tlhomilwe mo tshimong ya gagwe ya moweine. Jaanong a tla a batla maungo mo go ona, mme a a tlhoka. A raya molemi wa tshimo a re: ‘Bona, ke dinyaga tse tharo, ke ntse ke tla ke batla maungo mo mofeieng o, mme ke a tlhoka. O reme! O jelang lefatshe fela?’ Ene a mo araba a re: ‘Morena, o o lese le ka ngwaga ono, ke tle ke o o lemele, ke tsenye letshotelo. Motlhaope o tla ungwa isago; fa go sa nne jalo, o ka o rema.’ ” A bo a ruta mo senagogeng sengwe ka Sabata. Teng ga bo go le mosadi yo o neng a na le mowa wa bolwetse dinyaga di le 18, a hutaganye, a palelwa gotlhe ke go ikinamolola. Ya re Jesu a mmona, a mmitsa, a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo bolwetseng jwa gago.” A ba a mmaya diatla; mme ka bonako mosadi a inamologa, a ba a galaletsa Modimo. Ke fa molaodi wa senagoge a gakatsega, ka Jesu a fodisitse ka Sabata, a raya batho a re: “Go malatsi a le marataro a go tshwanetseng ga dirwa ka ona; tlaang lo fodisiwe ka ona, e seng ka letsatsi la Sabata.” Morena a mo araba a re: “Baitimokanyi ke lona! Mongwe le mongwe wa lona a ga a ke a golola kgomo ya gagwe gongwe esele fa segopong ka Sabata, a ya go e nosa? Mme yo e leng morwadia Aborahame, yo Satane o ntseng a mo golegile dinyaga di le 18, gopola, a o ne a sa tshwanela go gololwa mo kgolegong e ka letsatsi la Sabata?” Ya re a bua dilo tse, baganetsi botlhe ba gagwe ba tlhajwa ke ditlhong; mme batho botlhe ba itumela ka ntlha ya tsotlhe tsa kgalalelo tse di dirwang ke ene. Ke fa a re: “Puso ya Modimo e tshwana le eng? Ke tla e bapisa le eng? E tshwana le tlhaka ya peo ya mmasetete, e motho o e tsereng, a e jwala mo tshimong ya gagwe. Ya gola, ya tswa setlhare, mme dinonyane tsa loapi tsa ba tsa aga mo dikaleng tsa sona.” A boa a bua gape a re: “Puso ya Modimo ke tla e tshwantsha ka eng? E tshwana le matlhabego a mosadi o a tsereng, a a tsenya mo dielong tse tharo tsa bupe, jwa ba jwa bela jotlhe.” Jaanong a ralala metse le metsana, a eta a ruta, a etela kwa Jerusalema. Foo mongwe a mo raya a re: “Morena, ba ba tla pholosiwang a ga ba banene?” Mme Jesu a ba raya a re: “Lwelang go tsena ka mojako o o pitlaganyeng; gonne ke lo raya ke re: Ba bantsi ba tla leka go tsena, mme ba tla palelwa. E tla re mong wa ntlo a sena go nanoga, a tswala mojako, lo simolole go ema ka fa ntle, lo konyakonya lobati lo re: ‘Morena, re bulele!’ a lo arabe a re: ‘Ga ke lo itse, le kwa lo tswang teng.’ Foo lo tla simolola go bua lo re: ‘Re ne ra ja, ra nwa fa pele ga gago, le gona o ne wa ruta mo mebileng ya rona.’ Mme o tla re: ‘Ke lo reile ka re: Ga ke itse kwa lo tswang teng; tlogang fa go nna lotlhe, badiri ba tshiamololo ke lona!’ Teng foo go tla nna selelo le phuranyo ya meno, motlhang lo bonang Aborahame le Isaka le Jakobe le baporofeti botlhe mo pusong ya Modimo, mme lona lo leleketswe kwa ntle. Mme ba tla tswa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi le kwa bokone le kwa borwa, ba nna fa dijong mo pusong ya Modimo. Mme itseng, go na le ba morago ba ba tla nnang ba pele, e bile go na le ba pele ba ba tla nnang ba morago.” Ka yona nako eo ga tla Bafarisai bangwe, ba mo raya ba re: “Tloga mono o tshabe; gonne Herote o batla go go bolaya.” A ba raya a re: “Yaang lo ree phokojwe eo lo re: ‘Bona, ke kgarameletsa medemone ntle, ke dira diphodiso kajeno le kamoso, mme ka moso o mongwe ke tla wetsa.’ Le fa go ntse jalo ke tshwanetse go tsamaya kajeno le kamoso le ka le le latelang; gonne ga go a tshwanela gore moporofeti a bolaelwe kwa ntle ga Jerusalema. “Jerusalema, Jerusalema! Wena yo o bolayang baporofeti, o kgobotletsa ba ba romilweng go wena! Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago, jaaka koko e tle e phuthe dikokwana tsa yona fa tlase ga diphuka; mme lo ganne! Itseng, Ntlo ya lona lo e tlogelelwa e le letlotla. Ke lo raya ke re: Ga lo kitla lo mpona go tsamae lo tle lo re: ‘A go bakwe yo o tlang mo leineng la Morena!’ ” E rile a tsena mo ntlong ya molaodi mongwe wa Bafarisai ka Sabata go ja senkgwe, bone ba bo ba mo disitse. Mme ga bo go le motho mongwe fa pele ga gagwe yo o nang le bolwetse jwa metsi. Jesu a tswa molomo, a botsa Baitse-molao le Bafarisai a re: “A go letleletswe go fodisa ka Sabata, gongwe nnyaya?” Mme ba didimala. Jaanong a mo tsaya, a mo fodisa, a mo naya tsela. A ba a ba botsa a re: “Ke ofe wa lona, yo esele gongwe kgomo ya gagwe e ka reng e wetse mo sedibeng, a se ka a akofa a e ntsha ka letsatsi la Sabata?” Mme ba palelwa ke go araba mafoko ao. A ba a bua le ba ba laleditsweng ka setshwantsho, ka a lemoga ka fa ba ipatlelang ditulo tse di kwa pele ka teng; a ba raya a re: “E re fa mongwe a go laleleditse modiro wa nyalo, o se ka wa nna mo sedulong se se kwa pele, e se re gongwe mongwe yo o tlotlegang bogolo go wena le ene a bo a mo laleditse; mme fa yo o lo laleditseng wena le ene, a tla, a go raya a re: ‘Sutela yo!’ o tla tloga o ya go tsaya bonno jo bo kwa moragorago ka ditlhong. E re fa o laleditswe, o ye o nne mo bonnong jo bo kwa moragorago, gore e tle e re yo o go laleditseng a tla, e nne ene yo o ka go rayang a re: ‘Tsala, nnela kwa pele!’ Ke gona o tla nnang le tlotlo fa pele ga botlhe ba ba ntseng nao fa dijong. Gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa; mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” Le gona a raya ene yo o mo laleditseng a re: “E re fa o dira sefitlholo gongwe selalelo, o se ka wa laletsa ditsala tsa gago, le e seng bana ba ga rraago, le e seng ba ga eno, le e seng ba ba bapileng nao ba ba humileng, e se re gongwe le bone ba tloga ba go laletsa, mme wa boelwa. Mme e re fa o dira moletlo, o laletse bahumanegi le digole le batlhotsi le difofu. Foo o tla nna sego, ka gonne ga ba na se ba ka go busetsang ka sona; o tla busediwa mo tsogong ya basiami.” Ya re mongwe wa ba ba ntseng nae fa dijong a utlwa tseo, a mo raya a re: “Go sego yo o tla jang senkgwe mo pusong ya Modimo.” Jesu a mo fetola a re: “Motho mongwe o ne a dira moletlo o mogolo, a ba a laletsa ba bantsi. A roma motlhanka wa gagwe ka nako ya moletlo go ya go raya ba ba laleditsweng a re: ‘Tlaang, gonne tsotlhe di setse di baakantswe.’ Mme botlhe ba ela seopo sengwe, ba simolola go ipata. Wa ntlha a mo raya a re: ‘Ke rekile tshimo, mme ke tshwanetse go ya go e bona; ke a go rapela, o mpolele gore ke itatile.’ Yo mongwe a re: ‘Ke rekile dipholo tsa dijoko tse tlhano, mme ke ya go di leka; ke a go rapela, o mpolele gore ke itatile.’ Yo mongwe a re: ‘Ke nyetse mosadi, ke ka moo ke sa ka keng ka tla.’ “Motlhanka a tla, a bolelela morena wa gagwe dilo tse. Ke fa mong wa ntlo a galefa, a raya motlhanka wa gagwe a re: ‘Akofa o tswele kwa mebileng le mebilaneng ya motse, o tsise bahumanegi le digole le difofu le batlhotsi kwano.’ Motlhanka a re: ‘Morena, se o se laotseng se dirilwe, mme manno a sa le teng.’ Morena a raya motlhanka a re: ‘Tswela kwa ditseleng le dikgorong, mme o ba kgole go tsena gore ntlo ya me e tlale. Gonne ke lo raya ke re: Ga go ope wa banna bao, ba ba laleditsweng, yo o tla utlwang moletlo wa me.’ ” Jaanong bontsintsi jwa batho jwa tsamaya nae; mme a retologa, a ba raya a re: “Fa mongwe a tla go nna, mme a sa nthate bogolo go rraagwe le mmaagwe le mosadi le bana le bomorwa-rraagwe le bokgaitsadie le jona botshelo jwa gagwe, ga a ka ke a nna morutwa wa me. Le fa e le mang yo o sa sikareng sefapaano sa gagwe, a ntshala morago, ga a ka ke a nna morutwa wa me. “Ke ofe wa lona yo e ka reng a rata go aga turio, a se ka a nna pele, a bala ditshenyegelo tsa teng gore a o na le go e wetsa? E se re gongwe a sena go baya motheo, mme a palelwa ke go e wetsa, botlhe ba ba bonang ba simolola go mo tshega ba re: ‘Motho yo, o simolotse go aga, mme o paletswe ke go wetsa.’ “Gongwe, kgosi ke efe, e e ka reng e ya go bololela kgosi e nngwe ka ntwa, ya se ka ya nna fa fatshe, ya akanya gore a e nonofile ka dikete di le some go kgatlhantsha e e tlang go yona ka dikete di le masome a mabedi? Fa go sa nna jalo, e re eo e sa ntse e le kgakala, e rome barongwi go kopa kagiso. Jaanong he, mongwe le mongwe wa lona yo o sa ikgaoganyeng le tsotlhe tse a nang natso, o palelwa jalo ke go nna morutwa wa me. “Kana letswai le molemo; mme fa letswai le lone le tswapogile, le ka tswaisiwa ka eng? Ga le na tiro, le fa e le tshimong, le fa e le mo thotobolong; mme ba le latlhela kwa ntle. Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe!” Jaanong bakgethisi botlhe le baleofi ba nna ba tla go mo utlwa. Mme Bafarisai le Baitsedikwalo ba ngongorega ba re: “Yo, o tshola baleofi, o ja nabo.” Ke fa Jesu a ba bolelela setshwantsho se a re: “Motho ke ofe mo go lona, yo e ka reng a na le dinku di le lekgolo, a timelelwa ke e le nngwe ya tsona, a se ka a tlogela tse di 99 kwa sekakeng, a latela e e timetseng go tsamaya a e bone? Mme e re a sena go e bona, a e bee mo magetleng a gagwe, a itumele. Mme e re a tla mo gae, a phuthe ditsala le ba ba agileng nae, a ba ree a re: ‘Itumeleng le nna; ka gonne ke bonye nku ya me e e neng e timetse.’ Ke lo raya ke re: Go tla nna boitumelo jalo mo legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o sokologang, bogolo go basiami ba le 99, ba go sa batlegeng tshokologo mo go bone. “Gongwe mosadi ke ofe yo e ka reng a na le diselefera di le some, a latlhegelwa ke selefera e le nngwe fela, a se ka a tshuba lobone, a feela ntlo, a batla ka tlhoafalo go tsamaya a e bone? Mme e re a sena go e bona, a phuthe ditsala le ba ba agileng nae a re: ‘Itumeleng le nna; gonne ke bonye selefera e e neng e ntatlhegetse.’ Ke lo raya ke re: Go boitumelo jalo mo baengeleng ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe yo o sokologang.” Gape a bua a re: “Motho mongwe o ne a na le bomorwa ba le babedi. Yo mmotlana a raya rraagwe a re: ‘Rra, mphe kabelo ya boswa e e ntshwanetseng.’ Mme rraagwe a ba kgaoganya tse ba phelang ka tsona. Morago ga malatsi a se kae morwa yo mmotlana a phutha tsotlhe, a hudugela kwa lefatsheng le le kwa kgakala; teng a senya khumo ya gagwe ka bophelo jo bo maswe. Ya re a sena go senya tsotlhe, ga nna leuba mo lefatsheng leo, mme a simolola go tlhoka. Jaanong a ya a ikopanya le mongwe wa baagi ba lefatshe leo. Yoo a mo romela kwa magoleng a gagwe go disa dikolobe. A ba a eletsa go ikgorisa ka maungo a ditlhare a a jewang ke dikolobe, mme a se ka a fiwa ke ope. Ke fa a itharabologelwa a re: ‘Barapiwa ba ga rre ba bantsi jang, ba ba nang le dijo tse dintsi, mme nna fano ke swa ka tlala. Ke tla nanoga ke ya kwa go rre, ke mo raya ke re: Rra, ke leofetse legodimo le wena; ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao; ntire jaaka mongwe wa batlhanka ba gago.’ A ba a nanoga, a ya kwa go rraagwe. “Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, a tlhomoga pelo, a taboga, a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla. Morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, ka ba ka leofela wena; ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’ Mme rraagwe a raya batlhanka ba gagwe a re: ‘Akofang lo ntshe seaparo se sentlentle, lo mo apese, lo mo rwese palamonwana mo monwaneng, le ditlhako mo dinaong; lo be lo tsiseng namane e e nontshitsweng, lo e tlhabe; mme a re jeng, re itumele; ka gonne morwaake yo o ne a sule, mme o bile o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Mme ba simolola go itumela. “Morwawe yo mogolo a bo a le kwa tshimong. Ya re a tla a atamela ntlo, a utlwa kopelo le dipina. A ipiletsa mongwe wa batlhanka, a mmotsa gore go direlwang jaana. Yoo a mo raya a re: ‘Monnao o gorogile, mme rraago o tlhabile namane e e nontshitsweng, ka a mmonye a sa phela.’ “Ke fa a galefa, a gana go tsena. Foo rraagwe a tswa, a mo rapela. Ene a araba rraagwe a re: ‘Bona, ke ntse ke go direla dinyaga tse dintsi. Ga ke ise nke ke tlole taolo ya gago; mme nna ga o ise o ke o mphe potsane gore ke itumele le ditsala tsa me. Mme e rile morwao yo a tla, yo o jeleng dithuo tsa gago le diaka, wa mo tlhabela namane e e nontshitsweng.’ Rraagwe a mo raya a re: ‘Ngwanaka, o na le nna ka metlha, mme tsotlhe tsa me ke tsa gago. Mme e ne e le tshwanelo go ipela le go itumela; ka gonne monnao yo o ne a sule, mme o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ ” Le gona a raya barutwa ba gagwe a re: “Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a na le mookamedi wa ditiro; mme yo, o ne a latofadiwa fa pele ga gagwe gore o senya di-tsa-gagwe. A mmitsa, a mo raya a re: ‘Ke eng se ke se utlwang ka ga gago? Ikarabele ka ga bookamedi jwa gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna mookamedi.’ Mookamedi a ikakanya a re: ‘Ke tla dirang, ka e le fa morena wa me a tlosa bookamedi mo go nna? Ga ke itse go otola, mme go kopa go ntlhabisa ditlhong. Ke lemogile se ke tla se dirang gore e tle e re ke ntshiwa mo bookameding, ba tle ba ntsholele mo matlong a bone.’ “Jaanong a bitsa mongwe le mongwe wa ba ba molato le morena wa gagwe, a raya wa ntlha a re: ‘O molato o le kae le morena wa me?’ Yoo a re: ‘Makokoko a le 200 a lookwane.’ Mookamedi a mo raya a re: ‘Tsaya lokwalo lwa gago lwa molato, o nne fa fatshe, o kwale ka bonako o re: A le 100.’ A tloga a raya yo mongwe a re: ‘Wena o molato o le kae?’ Yoo a re: ‘Dikgetse tsa mabele di le 300.’ Mookamedi a mo raya a re: ‘Tsaya lokwalo lwa gago lwa molato, o kwale o re: Di le 240.’ “Morena a boka mookamedi wa tshiamololo, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno mo losikeng lwa bone ba tlhalefile go gaisa bana ba lesedi.” Gape ke lo raya ke re: “Itireleng ditsala ka Mamone wa tshiamololo gore e tle e re a fela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng. Yo o ikanyegang mo go se sennye o ikanyega le mo go se segolo; mme yo o sa siamang mo go se sennye, ga a siama le mo go se segolo. Jaanong fa lo ne lo sa ikanyege ntlheng ya Mamone yo o sa siamang, ke mang yo o tla lo ikanyang mo khumong ya boammaaruri? Fa lo ne lo sa ikanyege mo go sa boeng, ke mang yo o tla lo nayang se e leng sa lona? “Ga go motlhanka ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.” Jaanong le Bafarisai, ba ba neng ba rata madi, ba utlwa tsotlhe tse, ba be ba mo sonya. Mme Jesu a ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisang fa pele ga batho, mme Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlomaditsweng ke batho, ke makgapha fa pele ga Modimo. “Molao le baporofeti ba felela ka Johane; go tloga foo go rerwa Efangele ya puso ya Modimo, mme mongwe le mongwe o itshukunyetsa mo go yona. Go feta ga legodimo le lefatshe go ka nna botlhofo bogolo go go wela fa fatshe ga lotshwaonyana longwe lwa molao. “Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o dira kgokafalo; le yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng ke monna, o dira kgokafalo. “Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a apere seaparo se sehibidu le lesela le lentle la letseta, a nna a itumela ka letsatsi le letsatsi mo bontlengtleng. Mme mokopi mongwe yo o bidiwang Lasaro, o ne a beilwe fa kgorong ya gagwe, a tletse dintho. A eletsa go kgorisiwa ka tse di wang mo tafoleng ya mohumi: gape ga tla dintšwa, tsa latswa dintho tsa gagwe. “Ya re mokopi a swa, a belegelwa ke baengele kwa sehubeng sa ga Aborahame. Mohumi le ene a swa, a fitlhwa. Ya re a le mo felong ga baswi, a tsholetsa matlho a le mo ditlhokofatsong, a bona Aborahame kgakala le Lasaro a le mo sehubeng sa gagwe. Ke fa a kua a re: ‘Rara Aborahame, nkutlwele botlhoko, o rome Lasaro gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing, a ntsidifatse loleme; gonne ke utlwa botlhoko mo kgabong e.’ “Mme Aborahame a re: ‘Ngwanaka, gopola gore o amogetse tse di molemo tsa gago mo bophelong jwa gago, mme Lasaro ene tse di bosula jalo; mme jaanong mono ene o a gomodiwa, mme wena o a tlhokofadiwa. Mme kwa ntle ga tsotlhe tseo go na le kgophu e kgolo fa gare ga rona le lona, gore ba ba kwano ba ba ratang go fetela go lona, ba retelelwe, le ba ba koo, ba ba ratang go tla kwano go rona, ba palelwe.’ Mohumi a re: ‘Rra, fa go le jalo, ke go rapela gore o mo rome kwa ntlong ya ga rre; gonne ke na le bomorwa-rre ba le batlhano; a ye teng, a ba tlhagise, e se re gongwe le bone ba tla felong fano ga tlhokofatso.’ “Aborahame a mo fetola a re: ‘Ba na le Moše le baporofeti; a ba utlwe bone!’ Mme mohumi a re: ‘Nnyaya, Aborahame rra, mme fa mongwe a tswa mo baswing, a ya kwa go bone, ba tla sokologa.’ Foo Aborahame a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baporofeti, ga ba ka ke ba kgonega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ” Jaanong a raya barutwa ba gagwe a re: “Dikgopiso ga di ka ke tsa thibelwa go tla; mme go latlhega yo di tlang ka ene. Go ka nna botoka mo go ene, fa lolwala lo ka gokelelwa mo molaleng wa gagwe, mme a digelwa mo lewatleng, bogolo go gore a kgopise mongwe wa ba babotlana ba. Itiseng! “E re fa mokaulengwe wa gago a leofa, o mo kgalemele; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele. Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a boela gasupa kwa go wena a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele.” Jaanong baapostolo ba raya Morena ba re: “Re okeletse tumelo!” Mme Morena a re: “Fa lo ka bo lo na le tumelo e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete, lo ne lo ka raya setlhare se sa mmurubele lo a re: ‘Kumoga o itlhome mo lewatleng!’ mme se ka lo utlwa. “Ke ofe wa lona yo e ka reng a na le motlhanka yo o lemang, gongwe yo o disang, ya re a tswa kwa tshimong, a mo raya a re: ‘Akofa o tle, o nne fa dijong’? Mme ga ke re, o ka mo raya a re: ‘Baakanya se ke tla lalelang ka sona, o itlame, o ntirele, ke tle ke je, ke nwe pele; mme morago ga moo o ka ja, wa nwa’? A o a tle a leboge motlhanka, ka a dirile tse a di laetsweng? Ga ke gopole jalo. Le lona jalo e ne e re lo sena go dira tsotlhe tse lo di laetsweng, lo re: ‘Re batlhanka ba re se nang molemo; re dirile fela se re neng re tshwanetse go se dira.’ ” E rile ba etela kwa Jerusalema, a ralala naga e e fa gare ga Samaria le Galelea. Ya re a tsena mo motsaneng mongwe, banna ba le some ba balepero ba mo kgatlhantsha, ba emetse kgakala; ba tsholetsa mantswe ba re: “Jesu, Moruti, re utlwele botlhoko!” Ya re a ba bona, a ba raya a re: “Yaang lo itshupetse baperesiti!” Ya re ba tsamaya, ba phepafala. Fa jaanong mongwe wa bone a bona gore o fodisitswe, a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le legolo, a ba a wela fa fatshe ka sefatlhego fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga; mme yoo ya bo e le Mosamaria. Mme Jesu a araba a re: “A ga go a fodisiwa ba le some? Ba ba robongwe ba kae? A ga go a bonwa ope mo go bone yo o boileng go naya Modimo tlotlo, fa e se moeng yo?” Jaanong a mo raya a re: “Nanoga o tsamae; tumelo ya gago e go pholositse.” E rile a bodiwa ke Bafarisai gore puso ya Modimo e tla tla leng, a ba araba a re: “Puso ya Modimo ga e tle mo e ka lejwang ka matlho; le gona ga ba nke ba re: ‘Bonang, ke e!’ gongwe: ‘Ke ele!’ Gonne itseng gore puso ya Modimo e teng mo go lona.” A ba a raya barutwa a re: “Metlha e tla tla e lo tla eletsang go bona lengwe la malatsi a Morwa-Motho ka yona, mme ga lo nke lo le bona. Ba tla lo raya ba re: ‘Bonang, ke yole!’ gongwe ‘Bonang, ke yo!’ Se tsamaeng le e seng go ba ela tlhoko. Gonne Morwa-Motho, mo letsatsing la gagwe, o tla nna jaaka legadima le le gadimang, le tswa ntlheng nngwe ya legodimo, le phatsimela kwa ntlheng e nngwe. Mme pele o tshwanetse go boga di le dintsi le go latlhwa ke ba metlha eno. Mo malatsing a Morwa-Motho go tla nna fela jaaka go kile ga dirafala mo malatsing a ga Noa: Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba nyalwa, go tla go fitlha mo letsatsing le Noa o tsenyeng mo arekeng ka lone, mme morwalela wa tla, wa ba nyeletsa botlhe. Le gona go tla nna fela jaaka go kile ga dirafala mo malatsing a ga Lote: Ba ne ba ja, ba nwa, ba reka, ba rekisa, ba tlhoma, ba aga; mme ka letsatsi le Lote o duleng mo Sotoma ka lone, ga na molelo le sebabole di tswa kwa legodimong, tsa ba laila botlhe. Mme go tla nna fela jalo ka letsatsi le Morwa-Motho o bonatsegang ka lone. “Ka letsatsi leo, a yo o tla nnang mo godimo ga ntlo, mme di-tsa-gagwe di le ka mo ntlong, a se ka a fologa go di tsaya; le ene jalo yo o kwa tshimong, a se ke a boela kwa go tse di kwa morago. Ikgakololeng tsa mosadi wa ga Lote. Motho yo o batlang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke jona, o tla bo tsalelwa sešwa. Ke lo raya ke re: Mo bosigong joo, ba le babedi ba tla re ba le mo bolaong bo le bongwe fela, mongwe a tsewe, yo mongwe a tlogelwe. Basadi ba le babedi ba tla re ba sila mo felong go le gongwe, mongwe a tsewe, yo mongwe a tlogelwe. Ba le babedi ba tla re ba le mo tshimong, mongwe a tsewe, yo mongwe a tlogelwe.” Ke fa ba mmotsa ba re: “Kae, Morena?” A ba raya a re: “Kwa setoto se leng teng, manong a tla phuthegela teng.” A ba a bua nabo ka setshwantsho sa gore motho o tshwanetse go rapela ka metlha, a sa lape, a re: “Go ne go le moatlhodi mo motseng mongwe yo o sa boifeng Modimo, le motho a sa re sepe ka ene. Mo motseng oo go ne go le motlholagadi yo o neng a ntse a tla kwa go ene a re: ‘Ntsheka mo moganetsing wa me!’ Mme a gana sebaka se seleele; morago ga moo a akanya a re: ‘Le fa ke sa boife Modimo, le motho ke sa re sepe ka ene, le fa go ntse jalo, ka motlholagadi yo a ntapisa, ke tla mo seka gore a se ka a mphatlola tlhogo ka go boaboa ga gagwe.’ ” Morena a ba a re: “Lo utlwile se moatlhodi yo o sa siamang o se buileng. A Modimo ona ga o nke o atlholela baitlhaolelwi ba ona ba ba o tlhaeletsang bosigo le motshegare, gongwe a o ka ba diegela? Ke lo raya ke re: O tla ba atlholela ka bonako. Fela a e tla re Morwa-Motho a tla, a fitlhele tumelo mo lefatsheng?” Le gona a bua ka setshwantsho se le bangwe ba ba iikanyang gore ba siame, mme ba nyatsa ba bangwe, a re: “Batho ba babedi ba kile ba ya kwa Tempeleng go rapela, mongwe e le Mofarisai, yo mongwe e le mokgethisi. “Mofarisai a ema, a ithapelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka ke sa tshwane le batho ba bangwe, e bong dinokwane le basiamolodi le bagokafadi, gongwe jaaka mokgethisi yo. Ke itima dijo gabedi ka beke; ke kgetha bosome jwa tsotlhe tse ke di amogelang.’ “Mokgethisi ene a emela kgakala, le matlho a se ka a rata go a tsholeletsa kwa legodimong, mme a itshwara seledu a re: ‘Modimo, intshwarele nna moleofi!’ Ke lo raya ke re: Yo, o fologetse kwa ntlong ya gagwe a siamisitswe, e seng yole; gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” Jaanong batho ba tsisa le bana ba bannye go ene gore a ba ame; ya re barutwa ba bona, ba ba kgalemela. Mme Jesu a ipiletsa bana, a raya barutwa a re: “Lesang bana ba tle go nna, lo se ka lwa ba iletsa; gonne puso ya Modimo ke ya ba ba ntseng jalo. Ammaaruri ke lo raya ke re: Motho yo o sa amogeleng puso ya Modimo jaaka ngwana, ga a nke a tsena mo go yona ka gope.” Jaanong molaodi mongwe a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, nka dirang gore ke rue bophelo jo bo sa khutleng?” Mme Jesu a mo araba a re: “O mpiletsang yo o molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo. Ditaolo o a di itse, tse di reng: ‘O se ka wa akafala; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; tlotla rraago le mmaago.’ ” Ene a re: “Tsotlhe tse ke di tshegeditse go tloga mo bonyaneng jwa me.” Ya re Jesu a utlwa, a mo raya a re: “O sa ntse o tlhoka selo se le sengwe fela: Rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa magodimong, o be o tle, o ntshale morago.” Ya re yoo a utlwa jalo, a hutsafala segolo, ka a ne a humile thata. Mme ya re Jesu a mmona a hutsafetse segolo, a bua a re: “Go thata jang mo go ba ba nang le mahumo go tsena mo pusong ya Modimo! Gonne go botlhofo gore kammele e tsene ka letshoba la lomao, bogolo go mohumi go tsena mo pusong ya Modimo.” Ba ba utlwileng ba botsa ba re: “Mme go ka pholosiwa mang?” Ene a re: “Tse di palelang batho ga di palele Modimo.” Foo Petoro a re: “Bona, rona re tlogetse di-tsa-rona, re bile re go setse morago.” Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga go ope yo o tlogetseng ntlo gongwe mosadi gongwe bana ba ga rraagwe gongwe bagolo gongwe bana, ka ntlha ya puso ya Modimo, yo o se kitlang a di amogela gantsi mo sebakeng seno, le go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.” Jaanong a itseela ba ba 12, a ba raya a re: “Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema, mme tsotlhe tse di kwadilweng ka ga Morwa-Motho ke baporofeti, di tla dirafala; gonne o tla neelwa baheitane, a sotlwa, a direlwa maswe, a kgwelwa mathe. Ba tla mo seola, ba mmolaya. Mme o tla tsoga ka letsatsi la boraro.” Mme ba se ka ba tlhaloganya sepe sa tseo, lefoko leo le ne le ba fitlhegetse, ba se ka ba lemoga tse di buiwang. E rile a atamela Jerigo, sefofu sengwe sa bo se ntse fa tseleng, se kopa. Ya re a utlwa bontsi bo feta, a botsa gore ke eng seo. Ba mmolelela gore Jesu wa Nasaretha o a feta. Ke fa a goa a re: “Jesu, Morwa Dafita, nkutlwele botlhoko!” Foo ba ba eteletseng pele ba mo kgalemela ba re, a didimale; mme ene a kua bogolobogolo a re: “Morwa Dafita, nkutlwele botlhoko!” Jesu a ema, a laola gore a tsisiwe go ene. Ya re a sena go mo atamela, Jesu a mmotsa a re: “O rata gore ke go direle eng?” Yoo a re: “Morena, dira gore ke boe ke bone.” Jesu a mo raya a re: “Boa o bone! Tumelo ya gago e go thusitse.” A boa a bona ka bonako, a ba a mo sala morago, a galaletsa Modimo. Batho botlhe, ya re ba bona, ba naya Modimo pako. Jaanong a fitlha kwa Jerigo, a ralala motse. Ga bo go le monna teng, leina la gagwe e le Sakeo, e le mogolo wa bakgethisi, mme a humile. Yoo a batla go bona gore Jesu ke mang, mme a palelwa ka ntlha ya batho ba bantsi, ka a ne a le mokhutshwane. Ka moo a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa motlhatsa gore a mmone, ka a tla feta ka tsela eo. Ya re Jesu a fitlha felong foo, a lelala, a mo raya a re: “Sakeo, akofa o fologe! Gonne ke tshwanetse go tlhola mo ntlong ya gago kajeno.” Yoo a akofa a fologa, a ba a mo tshola ka boitumelo. Ya re botlhe ba bona, ba ngongorega ba re: “O gorogetse kwa monneng wa moleofi go tlhola teng.” Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.” Mme Jesu a mo raya a re: “Kajeno pholoso e dirafaletse ntlo e, ka le ene e le morwa Aborahame: gonne Morwa-Motho o tsile go batla le go pholosa se se latlhegileng.” Ya re ba ntse ba utlweletse, a oketsa a bolela setshwantsho, ka a le gaufi le Jerusalema, mme bone ba itlhoma gore puso ya Modimo e tla akofa e bonala. Jaanong a re: “Motho mongwe yo o tlotlegang o kile a etela kwa lefatsheng le le kgakala, a ya go ikamogelela bogosi, a itse go boa. A bitsa batlhanka ba gagwe ba ba lesome, a neela mongwe le mongwe diranta di le some, a ba raya a re: ‘Bapalang ka tsona go tsamae ke tle.’ Mme ba motse wa ga gabo ba bo ba mo tlhoile, ba roma barongwa go mo latela ba re: ‘Ga re rate gore yo a re buse.’ “Ya re a boa, a sena go amogela bogosi, a laola gore batlhanka bao ba bidiwe, ba o ba neetseng madi, gore a tle a itse se mongwe le mongwe a se bapetseng. Wa ntlha a tla a re: ‘Morena, diranta tsa gago tse di some di bapetse diranta tse dingwe di le lekgolo.’ Morena a mo raya a re: ‘Ahee, motlhanka yo o siameng ke wena; e re ka o ne wa ikanyega mo go se sennye, o nne molaodi wa metse e le some.’ Wa bobedi a tla a re: ‘Morena, diranta tsa gago tse di some di bapetse diranta tse dingwe di le 50.’ Le ene a mo raya a re: ‘Le wena, o laole metse e le metlhano.’ “Yo mongwe a tla a re: ‘Morena, bona, diranta tsa gago tse di some ke tse; ke di bolokile mo leseleng la mofufutso; gonne ke ne ke go boifa, ka o le motho yo o bogale; o tsaya se o sa se bayang, o robe se o sa se jwalang.’ Kgosi ya mo raya ya re: ‘Motlhanka yo o bosula ke wena! Ke tla go atlhola ka se se tswang mo molomong wa gago. A o itsile gore ke motho yo o bogale, ke tsaya se ke sa se bayang, ke robe se ke sa se jwalang? O ne o sa tsenyetseng madi a me mo bankeng? Mme nna ya re ke tla, nka bo ke a amogela le dinamane tsa ona.’ “Jaanong a raya ba ba emeng teng a re: ‘Mo amogeng diranta tse di some tseo, lo di nee yo o nang le diranta di le lekgolo.’ Ba mo raya ba re: ‘Morena, kana o na le diranta di le lekgolo.’ Ke lo raya ke re: ‘Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe o tla fiwa; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa. Fa e le baba bao ba me ba ba ganneng ke ba busa, ba tsiseng kwano, lo ba bolaele fa pele ga me.’ ” Ya re a sena go bua jalo, a fetela pele a tlhatlogela kwa Jerusalema. E rile a atamela Bethefage le Bethania, fa thabeng e e bidiwang ya Diolefa, a roma barutwa ba le babedi ba gagwe a re: “Yaang kwa motsaneng o lo lebaganyeng nao, o e tla reng lo tsena mo go ona, lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e palangwe ke motho ope; e gololeng, lo e tsise. Mme fa mongwe a lo botsa a re: ‘Lo e gololelang?’ lo mo ree lo re: ‘Morena o a e batla.’ ” Ba ba romilweng ba ya, ba fitlhela go ntse fela jaaka a ba boleletse. Ya re ba golola eselana, beng ba yona ba ba botsa ba re: “Lo gololelang eselana eo?” Ba re: “Morena o a e batla.” Jaanong ba e tsisa go Jesu, ba baya dikobo tsa bone mo eselaneng, ba mo palamisa. Ya re a tsamaya ba ala diaparo tsa bone mo tseleng. Jaanong ya re a setse a atamela fa mhapheng wa Thaba ya Diolefa, lesomo lotlhe la barutwa la simolola go baka Modimo ka boitumelo ka lentswe le legolo ka ntlha ya ditiro tsa nonofo tsotlhe tse ba di bonyeng ba re: “A go bakwe Kgosi e e tlang mo leineng la Morena! Kagiso e nne kwa legodimong le kgalalelo kwa magodimodimong!” Foo bangwe ba Bafarisai ba ba mo bontsing ba mo raya ba re: “Moruti, kgalemela barutwa ba gago!” Mme a araba a re: “Ke a lo bolelela ka re: Fa ba, ba ka didimala, majwe a tla kua.” Ya re a atamela, mme a bona motse, a o lelela a re: “Ntlha le wena mo letsatsing leno la gago o ka bo o lemoga tse di go isang kagisong! Mme jaanong di fitlhetswe matlho a gago; gonne malatsi a tla tla mo go wena, a baba ba gago ba tla kgobelang mmu tikologong ya gago ka ona, ba go dikanyetsa ka ntwa, ba go pitlaganya ntlheng tsotlhe: Ba tla go gatakelela fa fatshe le bana ba gago ba ba mo teng ga gago, mme ga ba nke ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, ka o se ka wa lemoga nako e Modimo o go etetseng ka yona.” Jaanong a tsena mo Tempeleng, a simolola go leleka ba ba rekisang le ba ba rekang mo go yona. A ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tla nna Ntlo ya thapelo.’ Mme lona lo e dirile logaga lwa dinokwane.” Jaanong a ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo Tempeleng. Mme baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe ba batla go mmolaya; fela ba se ka ba bona se ba ka se dirang; gonne batho botlhe ba ne ba mo kgomaretse, ba mo reetsa. Ka lengwe la malatsi ao, ya re a ruta batho mo Tempeleng, a rera Efangele, baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba tla go ene, ba na le bagolo ba morafe, ba bua nae ba re: “Re bolelele gore dilo tse o di dira ka thata efe? Gongwe ke mang yo o go neileng thata eo?” A ba araba a re: “Le nna ke tla lo botsa lefoko lengwe; mpolelelang: Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong gongwe mo bathong?” Ba ikakanya ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’ Mme fa re ka re: ‘Mo bathong,’ batho botlhe ba tla re kgobotletsa; gonne ba dumetse ruri gore Johane e ne e le moporofeti.” Foo ba araba ba re: “Ga re itse gore e ne e tswa kae.” Jesu a ba raya a re: “Gona le nna ga ke lo bolelele thata e ke dirang dilo tse ka yona.” Jaanong a simolola go bolelela batho setshwantsho se a re: “Motho mongwe o ne a lema tshimo ya moweine, a e neela balemi, a ba a eta sebaka se seleele. Ya re ka nako ya teng a roma motlhanka kwa baleming gore ba mo nee mangwe a maungo a tshimo ya moweine. Mme balemi ba mo itaya, ba mmusa a iphotlhere. A boa a roma motlhanka yo mongwe; mme le ene ba mo itaya, ba mo dira mo go tlhabisang ditlhong, ba mmusa a iphotlhere. A boa a roma wa boraro; mme le yoo ba mo ntsha dintho, ba mo lelekela kwa ntle. Foo mong wa tshimo ya moweine a ikakanya a re: ‘Ke tla dirang? Ke tla roma morwaake yo o rategang. E ka re gongwe ba mo tlotla.’ Mme ya re balemi ba mmona, ba ikakanya ba re: ‘Yo ke ene moja-boswa; tlaang re mmolaeng gore boswa e nne jwa rona.’ Mme ba mo kgarameletsa kwa ntle ga tshimo ya moweine, ba mmolaya. “Jaanong mong wa tshimo ya moweine o tla ba dirang? O tla tla, a bolaya balemi bao; mme tshimo ya moweine o tla e neela ba sele.” Ya re ba utlwa, ba re: “A go se nne jalo!” Mme a ba leba a re: “Go kaya eng fa go kwadilwe ga twe: “ ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng ke lone le le dirilweng letlapa la sekhutlo’? “Mongwe le mongwe yo o welang mo letlapeng leo o tla thubagana; mme yo le tla mo welang le tla mo tšhwetlakanya.” Ka yona nako eo Baitsedikwalo le baperesiti ba bagolo ba batla go mo tshwara, mme ba boifa batho, ka gonne ba ne ba lemoga gore o iteisa bone ka setshwantsho se. Jaanong ba mo lepa, ba roma balaledi ba ba itimokanyang ka go ipaya basiami, gore ba mo tshware mo lefokong lengwe, ba be ba mo neele mmuso, e bong mo thateng ya molaodi. Ba mmotsa ba re: “Moruti, re itse gore o bua, o ruta ka tshiamo, o sa gobelelele ope, mme o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri. A re letleletswe go neela Kaisara lekgetho gongwe nnyaya?” Ya re ka a lemoga bolotsana jwa bone, a ba raya a re: “Ntshupetseng ledi la lekgetho! Le na le setshwantsho le sekwalo sa ga mang?” Ba re: “Sa Kaisara.” A ba raya a re: “Ka moo he, ntshetsang Kaisara tse e leng tsa Kaisara, le Modimo tse e leng tsa Modimo.” Mme ba retelelwa ke go mo tshwara mo polelong ya gagwe fa pele ga batho, ba be ba gakgamalela karabo ya gagwe, ba didimala. Jaanong ga tla go ene Basadukai bangwe ba ba latolang tsogo ya baswi, ba mmotsa ba re: “Moruti, Moše o re laetse go re: ‘Fa motho a swa, a na le mosadi, mme a se na ngwana, a morwa-rraagwe a tsee mosadi yoo, a tsosetse morwa-rraagwe losika.’ Jaanong go kile ga bo go le bomorwa monna ba ba supang. Wa ntlha a tsaya mosadi; mme a swa a se na ngwana. Le wa bobedi a tsaya mosadi yoo, le wa boraro a mo tsaya; ga nna fela jalo mo go bone ka bosupa jwa bone; ba se ka ba tlogela bana, mme ba swa. La bofelo mosadi le ene a swa. Mosadi yoo jaanong mo tsogong ya baswi e tla nna mosadi wa ga mang mo go bone? Ka gonne ba ne ba mo nyetse ka bosupa jwa bone.” Jesu a ba araba a re: “Bana ba lefatshe leno ba a nyala, ba a nyalwa; mme ba ba kaiwang ba siametse go abelwa lefatshe lele le tsogo ya baswi ga ba nyale, ga ba nyalwe, le gona ga ba ka ke ba tlhola ba a swa; gonne ba tshwana le baengele, e bile ke bana ba Modimo, ka e le bana ba tsogo ya baswi. Mme fa e le gore baswi ba a tsosiwa, Moše le ene o supile jalo fa setlhareng sa mitlwa, fa a bitsa ‘Morena Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe.’ Ke go re, Modimo ga se wa baswi, ke wa baphedi; gonne botlhe ba phelela ona.” Foo bangwe ba Baitsedikwalo ba mo raya ba re: “Moruti, o buile sentle.” Gonne ba ne ba tshaba go mmotsa sengwe gape. Jaanong a ba botsa a re: “Ba raya jang, fa ba re: Keresete ke morwa Dafita? Kana Dafita ka esi o bua mo lokwalong lwa Dipesalome a re: “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Dula ka fa letsogong la me le le jang, go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’ “Jaanong he, fa Dafita a mmitsa ‘Morena’, e ka nna morwawe jang?” Ya re batho botlhe ba utlweletse, a raya barutwa a re: “Itiseng mo go Baitsedikwalo ba ba ratang go tsamaya ka dikobo tse di kgokgothang, ba bile ba rata ditumediso mo dipatlelong, le ditulo tse di kwa pele mo disenagogeng, le manno a a kwa pele mo meletlong; ba metsa matlo a batlholagadi, mme ba itimokanya ka go rapela go le goleele. Bone ba tla bona petso e kgolo bogolo mo katlholong.” Ya re Jesu a tsholetsa matlho, a bona bahumi ba latlhela dikabelo tsa bone mo letloleng la Modimo. A ba a bona motlholagadi yo o humanegileng a latlhela madinyana a le mabedi teng. Jaanong a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Motlholagadi yo o humanegileng yo, o latlhetse go feta botlhe; gonne botlhe ba, ba latlhetse tsa letlotlo la bone mo dikabelong tsa Modimo, mme ene o latlhetse tsa lehuma la gagwe, e bong tsotlhe tse a nang natso, a phelang ka tsona.” Ya re bangwe ba bua ka ga Tempele gore e kgabisitswe ka majwe a mantle le ka dineo tse di neetsweng Tempele, a bua a re: “Fa e le tse lo di bonang tseo, malatsi a tla tla a go se kitlang go lesiwa lentswe lepe ka ona le tlhatlaganye le le lengwe, le le se kitlang le digwa.” Ba mmotsa ba re: “Moruti, kana dilo tse di tla nna leng? Gape sesupo sa nako e di tla dirafalang ka yona ke sefe?” Mme a re: “Lo itise gore lo se timediwe! Gonne ba bantsi ba tla tla ka leina la me, ba ipitsa ba re: ‘Ke nna Keresete’; gape ba re: ‘Nako e atametse.’ Lo se ka lwa ba sala morago. Mme mogang lo utlwelang dintwa le dikhuduego, lo se ka lwa rerega; gonne tseo di tshwanetse go dirafala pele. Mme bokhutlo ga bo nke bo tla ka pele.” Gape a ba raya a re: “Morafe o tla tsogela morafe, le bogosi bo tla tsogela bogosi. Go tla nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, le malwetse a leroborobo, le ditlala kwa le kwa. Go tla nna dipoitshego le ditshupo tse dikgolo di tswa mo legodimong. Fela, pele ga dilo tsotlhe tseo ba tla lo tshwara, ba lo bogisa, ba lo neela mo disenagogeng le mo matlong a kgolegelo, ba lo gogela fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya leina la me. Mme moo go tla lo dirafalela gore go supege ka ga me. Ka moo, elang tlhoko gore lo se ka lwa akanyetsa kwa pele ka fa lo tla ikarabelang ka teng; gonne nna ke tla lo naya molomo le botlhale o baganetsi botlhe ba lona ba se kitlang ba kgona go emelana najo, le fa e le go bo ganetsa. Mme le gona lo tla tshwarisiwa ke bagolo ba lona le bomorwa-rraalona le ba ga lona le ditsala; ba bile ba tla bolaya bangwe ba lona. Lo tla nna ba ba ilegang mo go botlhe ka ntlha ya leina la me. Mme le fa e le thiri e le nngwe ya ditlhogo tsa lona, ga e nke e nyelela. Lo tla bona maphelo a lona ka tshwarelelo ya lona. “E re lo bona Jerusalema o dikanyeditswe ka ntwa ke mephato, lo be lo itse gore go senngwa ga ona go atametse. Foo ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng; ba ba mo teng ga motse a ba tswe; ba ba kwa nageng a ba se tsene mo go ona. Gonne ‘ao ke Malatsi a Pusoloso’ gore tsotlhe tse di kwadilweng di dirafale. Go latlhega ba baimana le ba ba amusang mo malatsing ao! Gonne go tla nna tlalelo e kgolo mo lefatsheng le petso e e bogale mo morafeng o. Ba tla wa ka bogale jwa tšhaka, ba isiwa botshwarong kwa merafeng yotlhe; Jerusalema o tla gatakwa ke baheitane go tle go tsamae metlha ya baheitane e tlale. “Foo go tla nna ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding; le mo lefatsheng go tla nna tlalelo ya merafe e le mo tharaanong, go le mesumo ya lewatle le makhubu a lone. Batho ba tla idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng; gonne dithata tsa magodimo di tla reketlisiwa. Foo ba tla bona Morwa-Motho a tla ka leru ka thata le kgalalelo e kgolo. Mme e re tseo di simolola go dirafala, lo inamologe, lo tsholetse ditlhogo, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.” A ba a ba bolelela setshwantsho a re: “Bonang mofeie le ditlhare tsotlhe; fa lo di bona di setse di tlhoga, lo be lo itse ka losi gore selemo se setse se le gaufi. Le lona jalo, e re lo bona dilo tseo di dirafala, lo itse gore puso ya Modimo e gaufi. “Ammaaruri ke lo raya ke re: Losika lo ga lo nke lo fela ka gope, dilo tsotlhe di ise di dirafale. Legodimo le tla feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a nke a feta ka gope. “Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru; gonne le tla wela botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe. Disang he, lo rapele ka nako nngwe le nngwe gore lo tle lo kgone go falola mo go tsotlhe tseo tse di tla dirafalang le go ema fa pele ga Morwa-Motho.” E ne ya re motshegare a tlhole a ruta mo Tempeleng, mme e re bosigo a tswele kwa ntle, a ye go lala kwa thabeng e e bidiwang ya Diolefa. Mme batho botlhe ba phakelele kwa go ene mo Tempeleng go mo utlwa. Jaanong moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang o o bidiwang Tlolaganyo wa bo o atametse. Mme baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba batla ka fa ba ka mmolayang ka teng; gonne ba ne ba boifa morafe. Jaanong Satane a tsena mo go Jutase yo o bidiwang Isekariote, e le mongwe wa ba ba 12. Yoo a ya a bua le baperesiti ba bagolo le balaodi ba Tempele ka fa a ka mo ba neelang ka teng. Bone ba itumela, ba be ba dumelana go mo naya madi. A ba a dumela. Jaanong a batla nako e e lebanyeng ya go mo ba neela, bontsi bo se yo. Jaanong ga tla letsatsi la Dinkgwe tse di sa bedisiwang, le kwana ya Tlolaganyo e tshwanetseng go tlhajwa ka lone. Jesu a roma Petoro le Johane a re: “Yaang lo re baakanyetse Tlolaganyo gore re e je.” Ba mmotsa ba re: “O rata gore re e baakanyetse kae?” A ba raya a re: “Bonang, e tla re lo sena go tsena mo motseng, lo kgatlhane le monna a rwele nkgwana ya metsi; lo mo sale morago go ya mo ntlong e o tsenang mo go yona, lo ree mong wa ntlo lo re: ‘Moruti o a go botsa a re: Ntlwana ya baeti e kae, kwa nka jelang Tlolaganyo teng le barutwa ba me?’ Ene o tla lo supetsa ntlwana e kgolo e e fa godimo, e e adilweng mesamo; lo baakanyetse teng.” Ba ya ba fitlhela go ntse fela jaaka a ba boleletse, ba baakanyetsa Tlolaganyo. Ya re nako e sena go fitlha, a rapama fa dijong, a na le baapostolo ba ba 12. Jaanong a ba raya a re: “Ke eleditse thata go ja Tlolaganyo e le lona, ke ise ke boge; gonne ke lo raya ke re: Ga nke ke tlhola ke e ja ka gope, go tle go tsamae e dirafale ka botlalo mo pusong ya Modimo.” Ke fa a tsaya senwelo, a leboga a re: “Se tseeng, lo se hupalane. Gonne ke lo raya ke re: Go tloga jaanong ga nke ke tlhola ke nwa leungo la moweine, go tle go tsamae puso ya Modimo e tle.” A ba a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se ba naya a re: “Se ke mmele wa me o o neelwang lona; dirang jalo gore e nne go nkgopola.” Fela jalo le sona senwelo a se tsaya morago ga selalelo a re: “Senwelo se ke kgolagano e ntšhwa ka madi a me a lo a tshololelwang. “Mme itseng, seatla sa yo o ntswang se na le nna mo tafoleng. Tota Morwa-Motho o tsamaya jaaka go laotswe; fela go latlhega motho yoo yo o mo tswang.” Ke fa ba simolola go botsanya gore e ka nna ofe wa bone yo o tla dirang jalo. Le gona ga tsoga kgang mo go bone ya gore ke ofe wa bone yo o ka kaiwang yo mogolo. Jesu a ba raya a re: “Dikgosi tsa merafe di a e busa, e bile ba ba setlhogo mo go bone ba bidiwa ‘Bababaledi ba bone.’ Fela lona lo se nne jalo, mme yo mogolo mo go lona a a nne jaaka yo mmotlana, le yo e leng moeteledipele a a nne jaaka modiredi. Kana yo mogolo ke ofe? A ke yo o ntseng fa dijong, gongwe yo o direlang? A ga se yo o ntseng fa dijong? Mme nna ke mo gare ga lona jaaka yo o direlang. “Ke lona ba lo itshokileng le nna mo dipitlaganong tsa me. Mme ke lo abela puso fela jaaka Rre a e nkabetse, gore lo je lo nwe fa tafoleng ya me mo pusong ya me. Lo tla nna mo ditulong tsa bogosi, lo atlhola ditso tse di 12 tsa Iseraele.” Jaanong Morena a re: “Simona, Simona, bona, Satane o lo ipatletse gore a lo olose jaaka mabele; mme nna ke go rapeletse gore tumelo ya gago e se khutle. Mme wena e re o sena go sokologa, o tiise bakaulengwe ba gago.” Ene a mo fetola a re: “Morena, fa ke na nao, ke iketleeditse go ya le mo ntlong ya kgolegelo le mo losong.” Mme Jesu a re: “Ke a go bolelela, Petoro, mokoko ga o nke o lela kajeno, wena o ise o intatole gararo o re, ga o nkitse.” A boa a ba raya a re: “E rile ke lo roma, lo se na sekgwama le kgwatlha le ditlhako, a lo ne lwa tlhoka sengwe?” Ba re: “Le e seng sepe.” A ba raya a re: “A jaanong yo o nang le sekgwama, a se tsee, le kgwatlha jalo. Yo o tlhokang, a a rekise kobo ya gagwe, a reke tšhaka. Gonne ke lo raya ke re: Se se kwadilweng se se reng: ‘O baletswe le baikepi’ se sa ntse se tshwanetse go wediwa mo go nna. Gonne tse di kwadilweng ka ga me di a dirafala.” Foo ba re: “Morena, bona, ditšhaka tse pedi ke tse.” A ba raya a re: “Go lekanye.” Jaanong a tswa, a ya kwa Thabeng ya Diolefa ka fa a tlwaetseng ka teng, barutwa ba mo sala morago. Ya re a sena go fitlha felong foo, a ba raya a re: “Rapelang gore lo se tsene mo thaelong!” A ba a katogana nabo, go ka nna kana ka makonopelo a lentswe, a khubama ka mangole, a rapela a re: “Rara, fa o rata, tlosa senwelo se mo go nna; fela a go se dirafale thato ya me, mme go dirafale ya gago!” Jaanong ga bonala moengele kwa go ene, a tswa legodimong, a mo thatafatsa. Ya re a le mo tlalelong e kgolo, a rapela ka bojotlhe jwa gagwe; mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a a rothelang fa fatshe. Ya re a tsoga mo thapelong, a tla kwa barutweng, a fitlhela ba robetse ka ntlha ya bohutsana. A ba raya a re: “Lo robaletseng? Tsogang lo rapele go re lo se tsene mo thaelong.” E rile a sa ntse a bua, ba bona go tla letshuti la batho, mme yo o bidiwang Jutase, mongwe wa ba 12, a bo a ba eteletse pele, a ba a atamela Jesu go mo atla. Ke fa Jesu a mo raya a re: “Jutase, a o tshwarisa Morwa-Motho ka katlo?” Ya re ba ba mo dikanyeditseng ba bona se se tla dirafalang, ba botsa ba re: “Morena, a ke re reme ka tšhaka?” Mme mongwe wa bone a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya le le jang. Mme Jesu a araba a re: “Lesang, go lekanye.” A ba a ama tsebe ya gagwe, a mo fodisa. Jaanong Jesu a raya baperesiti ba bagolo le balaodi ba Tempele le bagolo ba morafe ba ba tsileng go ene a re: “A lo bolotse ka ditšhaka le melamu, jaaka e kete lo tsoma senokwane? E rile ke ntse ke na le lona ka malatsi otlhe mo Tempeleng, lwa se ka lwa ntshetsa diatla; mme nako eno ke nako ya lona le thata ya lefifi.” Foo ba mo tshwara, ba tsamaya ka ene, ba mo isa kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo. Petoro a ba latela a le kgakala. Ya re ba sena go gotsa molelo fa gare ga lelapa, ba ntse mmogo, Petoro a nna mo gare ga bone. Jaanong ya re lelata lengwe le mmona a dutse fa molelong, la tlhoma matlho mo go ene, la bua la re: “Yo le ene o ne a na nae.” Mme a mo itatola a re: “Mosadi, ga ke mo itse.” Morago ga sebakanyana yo mongwe a mmona a re: “Le wena o mongwe wa bone.” Mme Petoro a re: “Monna, ga ke ene.” Ya re go sena go feta e ka nna nako e le nngwe fela, yo mongwe a tlhomamisa a re: “Ammaaruri, yo le ene o ne a na nae, gonne le ene ke Mogalelea.” Mme Petoro a re: “Monna, ga ke itse se o se buang.” Mme ka bonako, ya re a sa ntse a bua, mokoko wa lela. Ke fa Morena a retologa, a leba Petoro, mme Petoro a gakologelwa lefoko la Morena ka fa a mo reileng ka teng a re: “E tla re mokoko o ise o lele kajeno, o intatole gararo.” Petoro a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko. Jaanong banna ba ba tshwereng Jesu ba mo sotla, ba mo itaaka, ba be ba mo fapa matlho, ba mo faphola sefatlhegong, ba mmotsa ba re: “Bolela gore ke mang yo o go iteileng?” Le dilo tse dingwe tse dintsi ba mo kgoba ka tsona, ba mo kgala. E rile bo sena go sa, ga phuthega bagolo ba morafe, e bong baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, ba mo isa kwa lekgotleng la bone, ba re: “Fa o le Keresete, re bolelele.” A ba raya a re: “Le fa nka lo bolelela, ga lo nke lo dumela; mme fa nka botsa, ga lo nke lo nkaraba, le fa e le go nkgolola. Mme go tlogeng fano Morwa-Motho o tla nna ka fa letsogong le le jang la thata ya Modimo.” Botlhe ba re: “Mme a o Morwa Modimo?” A ba araba a re: “Lo a bolela, ke nna ene.” Bone ba re: “Re sa batlelang tshupo? Gonne re e utlwile ka rosi ka molomo wa gagwe.” Jaanong lekoko lotlhe la bone la nanoga, la mo isa go Pilato. Ba simolola go mo latofatsa ba re: “Re bonye yo, a timetsa morafe wa rona, a o iletsa go ntshetsa Kaisara lekgetho, a ipolela, fa e le ene Keresete, kgosi.” Pilato a mmotsa a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?” A mo araba a re: “O bolela jalo.” Foo Pilato a raya baperesiti ba bagolo le matshutitshuti a batho a re: “Ga ke bone molato ope mo mothong yo.” Mme bone ba tatalala ba re: “O hudua batho ka go rutaruta mo Jutea yotlhe; o simolotse kwa Galelea go fitlha fano.” Ya re Pilato a utlwa ka ga Galelea, a botsa gore a motho yo ke Mogalelea. Ya re a sena go tlhaloganya gore ke wa taolo ya ga Herote, a mo romela go Herote, yo le ene o ne a le mo Jerusalema ka malatsi ao. E rile Herote a bona Jesu, a itumela thata; gonne o ne a sa bolo go eletsa go mmona, ka a ne a utlwile ka ga gagwe; mme a solofela gore o tla bona sesupo sengwe se dirwa ke ene. A mmotsa mafoko a mantsi; mme ene a se ka a mo araba sepe. Baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba ema ba mo latofatsa ka kgakalo. Herote a mo nyatsa mmogo le badiredi ba gagwe, a mo sotla; a ba a mo apesa seaparo se se phatsimang, a mmusetsa kwa go Pilato. Mme Herote le Pilato ba tsalana ka letsatsi leo; gonne e rile pele ba bo ba tlhoanye. E rile Pilato a sena go phutha baperesiti ba bagolo le banna ba lekgotla le legolo le morafe, a ba raya a re: “Lo tsisitse motho yo kwano go nna, jaaka mongwe yo o faposang batho. Kana ke mmotsoloditse fa pele ga lona, mme ka se ka ka bona molato ope mo go ene wa tse lo mo latofatsang ka tsona. Nnyaya, le e seng Herote; gonne o mmuseditse kwano go rona; mme bonang, ga go sepe se a se dirileng se se tshwanetseng loso. Ka moo ke tla mo watlhaya ke be ke mo golola.” Kana o ne a tshwanetse go ba gololela mongwe ka moletlo. Jaanong ba goela gongwe ba re: “Tlosa yo, mme o re gololele Barabase.” Yoo o ne a tsentswe mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya pheretlho nngwe e e dirilweng mo motseng, le ka ntlha ya polao. Mme Pilato a bua nabo gape, ka a rata go golola Jesu. Fela ba goa gape ba re: “Mmapole, mmapole!” A boa a ba raya lwa boraro a re: “Kana yo, o dirile bosula bofe? Ga ke a bona molato ope o o tshwanetseng loso mo go ene; ka moo ke tla mo watlhaya ke be ke mo golola.” Mme ba mo emelela ka mantswe a magolo, ba mo pateletsa gore a bapolwe, mme mantswe a bone le a baperesiti ba bagolo a fenya. Ke fa Pilato a atlhola gore go dirwe ka fa ba batlang ka teng. A ba a golola yo o ne a tsentswe mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya pheretlho le polao, yo ba mo lopileng; mme Jesu ene a mo neela mo thatong ya bone. E rile ba mo isa polaong, ba tshwara mongwe, e bong Simone wa Kirene, a tswa kwa tshimong, ba mmelesa sefapaano gore a se sikare fa morago ga Jesu. Jaanong lekoko le legolo la batho la mo sala morago, le la basadi ba ba bileng ba ithwele megono, ba mo lelela. Foo Jesu a retologela kwa go bone a re: “Bomorwadia Jerusalema, se nteleleng, bogolo lo itelele, lo be lo lelele bana ba lona; gonne itseng, malatsi a e tla, a ba tla buang ka ona ba re: ‘Go sego meopa le mebele e e iseng e ke e belege le mabele a a iseng a ke a amuse.’ Foo ba tla simolola go raya dithaba ba re: ‘Re weleng godimo!’ le makgabana ba re: ‘Re khurumetseng!’ Gonne fa ba dira dilo tse mo setlhareng se setala, go tla dirafalang mo go se se omeletseng?” Ga ba ga isiwa basenyi bangwe ba le babedi go bolawa nae. E rile ba fitlha mo felong fa go bidiwang “Logata”, ba mmapolela teng le basenyi bao, mongwe ka fa letsogong le le jang, yo mongwe ka fa go la molema. Jesu a bua a re: “Rara, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go tlhama tengwa. Batho ba eme ba lebile. Mme banna ba lekgotla le legolo ba nna ba mo kgoba ba re: “O pholositse ba bangwe, a a ipholose, fa e le ene Keresete, Motlhaolwi wa Modimo.” Le batlhabani ba mo sotla, ba tla go ene, ba mo tsisetsa motatsa ba re: “Fa o le Kgosi ya Bajuta, ipholose.” Mme ga bo go le sekwalo fa godimo ga gagwe, se se kwadilweng ka ditlhaka tsa Segerika le Seroma le Sehebere se re: “YO KE KGOSI YA BAJUTA.” Mongwe wa basenyi ba ba pegilweng a mo kgala a re: “A ga o Keresete ne? Ipholose, le rona o re pholose.” Yo mongwe a fetola, a mo kgalemela a re: “A le wena ga o boife Modimo, etswe o atlhotswe fela jaaka ene? Kana, fa e le rona, go re siametse; gonne re bona tse di tshwanetseng tse re di dirileng; mme yo, ene ga a dira sepe se se sokameng.” A ba a raya Jesu a re: “Morena, o nkgopole motlhang o tsenang mo bogosing jwa gago.” Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno o tla nna le nna mo Parateiseng.” Jaanong e ne e setse e ka nna nako ya motshegare; mme ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro thapama, letsatsi la fifala; lesire la Tempele la gagoga ka bogare. Foo Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Rara, ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago!” Ya re a sena go bua jalo, a ntsha mowa. E rile molaodi-wa-lekgolo a bona se se dirafetseng, a galaletsa Modimo a re: “Ruri, motho yo e ne e le mosiami.” Mme batho botlhe ba ba neng ba phuthegetse go bona pono e, ya re ba bona tse di dirafetseng, ba itshôla, ba boa. Botlhe ba ba itsanyeng nae, le basadi ba ba neng ba mo setse morago ba tswa Galelea, ba ne ba emetse kgakala, ba lebile dilo tseo. Jaanong go ne go le monna mongwe, leina la gagwe e le Josefa yo e leng monna wa lekgotla, e le monna yo o molemo, yo o siameng – ene o ne a sa dumelana le katlholo ya bona le tiro ya bona – e le wa Arimathea, motse wa Bajuta, yo o neng a letetse puso ya Modimo. Yoo a ya kwa go Pilato, a kopa setoto sa ga Jesu. Ya re a sena go se pagolola, a se phuthela ka lesela le lesweu, a se baya mo lebitleng le le gabilweng mo lefikeng, le go iseng go ke go ladiwe ope mo go lone. E ne e le letsatsi la Iketleetso, mme Sabata o ne a atametse. Basadi ba ba neng ba dule nae kwa Galelea, ba bo ba mo setse morago, ba bona phupu le ka fa serepa sa gagwe se laditsweng ka teng. Ya re ba sena go boa, ba baakanya makga le ditlolo; mme ba ikhutsa ka Sabata ka fa molaong. E rile ka letsatsi la ntlha la beke, e sa le phakela, ba tla kwa phupung, ba tshotse makga a ba a baakantseng. Ba fitlhela lentswe le pitikolotswe mo phupung. Ya re ba tsena mo teng, ba se ka ba fitlhela setoto sa Morena Jesu. Ya re ba sa ntse ba akabetse ka ntlha ya moo, ba bona banna ba le babedi ba eme fa go bone, ba apere diaparo tse di phatsimang. Mme ya re ka ba boifa, mme ba obela difatlhego fa fatshe, banna bao ba ba raya ba re: “Lo batlelang mophedi mo baswing? Ga a yo fa, mme o tsositswe. Gakologelwang ka fa a buileng le lona ka teng, a sa ntse a le kwa Galelea a re: ‘Morwa-Motho o tshwanetse go neelwa mo diatleng tsa batho ba ba boleo, le go bapolwa le go tsoga ka letsatsi la boraro.’ ” Foo ba gakologelwa dipolelo tsa gagwe. Ya re ba sena go boa kwa phupung, dilo tsotlhe tseo ba di bolelela ba ba 11 le ba bangwe botlhe. E ne e le Maria Magtalena le Johana le Maria mma Jakobo le ba bangwe ba ba nang nabo, ba ba boleletseng baapostolo dilo tseo. Mme dipolelo tse tsa utlwala mo go bone jaaka e kete ke ditlotlo fela mme ba se ka ba dumela basadi. Petoro a nanoga, a sianela kwa phupung. Ya re a okomela mo teng, a bona masela a masweu a beilwe a le osi, a ba a boela kwa gae, a gakgamaletse se se dirafetseng. Jaanong ka lone letsatsi leo ba babedi ba bone ba ya kwa motsaneng wa Emause, o bokgakala jwa ona go tswa Jerusalema e neng e le dimaele tse di le robedi. Ba buisanya ka ga dilo tsotlhe tseo tse di dirafetseng. Ya re ba ntse ba buisanya, ba botsanya, Jesu ka esi a atamela, a tsamaya nabo. Mme matlho a bone a bo a siregile, mo ba se kang ba mo itse. A ba raya a re: “Mafoko a ke afe a lo a buisanyang lo ntse lo tsamaya?” Mme ba ema, ba hutsafetse. Yo mongwe wa bone, e bong Keleopa, a mo araba a re: “A ke wena moeng o le wesi mo Jerusalema yo o sa itseng tse di dirafetseng teng mo malatsing ano?” A ba raya a re: “Dilo dife?” Ba mo raya ba re: “Tsa ga Jesu wa Nasaretha, yo e neng e le monna wa moporofeti yo o thata mo tirong le mo lefokong fa pele ga Modimo le batho botlhe, ka fa baperesiti ba bagolo le ba lekgotla le legolo ba rona ba mo neetseng ka teng go atlholelwa loso, ba mmapola. Mme rona re ne re solofetse gore ke ene yo o tla gololang Iseraele. Le gona, kwa ntle ga dilo tsotlhe tse, kajeno e setse e le letsatsi la boraro, dilo tse di ntse di dirafetse. E bile basadi bangwe ba ga rona ba re gakgamaditse, ba ba neng ba phaketse, ba ya kwa phupung. Mme e rile ba sa fitlhele setoto sa gagwe, ba boa ba re, ba bonye pono ya baengele ba ba reng: ‘O phedile.’ Mme bangwe ba bone ba ba nang le rona ba ya kwa phupung, ba fitlhela go ntse fela jaaka basadi ba boletse; mme ene ba se ka ba mmona.” Foo Jesu a ba raya a re: “Ao, basena-tlhaloganyo ke lona, ba lo pelo di bonya go dumela tsotlhe tse baporofeti ba di buileng! A Keresete o ne a sa tshwanela go boga dilo tseo le go tsena mo kgalalelong ya gagwe.” Jaanong a simolola ka Moše le ka baporofeti botlhe, a ba rarabololela tse di builweng ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe. Jaanong ya re ba atamela motsana o ba yang go ona, mme ene a dira jaaka e kete o fetela pele, ba mo emelela ba re: “Lala le rona; gonne go maitsiboa, letsatsi le setse le fetile.” Foo a tsena, a nna nabo. Ya re a ntse nabo fa dijong, a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se ba abela. Ke fa matlho a bone a sirologa, mme ba mo itse; a ba a nyelela mo ponong ya bone. Jaanong ba raana ba re: “A dipelo tsa rona ga di a ka tsa tuka mo teng ga rona, fa a ntse a bua le rona mo tseleng, a re tlhalosetsa Dikwalo?” Mme ba nanoga ka yona nako eo, ba boela kwa Jerusalema, ba fitlhela ba ba 11 ba phuthegile le ba ba nang nabo, ba ba reng: “Ruri, Morena o tsogile, o bonywe ke Simone!” Jaanong bone ba babedi ba bolela tse di dirafetseng mo tseleng le ka fa ba mo itsileng ka teng ka go nathoganya senkgwe. E rile ba ntse ba bua dilo tseo, ene ka esi a ema mo gare ga bone, a ba raya a re: “A kagiso e nne le lona!” Mme ba tshoga, ba boifa, ba itlhoma ba bona sedimo. A ba a ba raya a re: “Lo huduegelang? Dipelaelo di tsogelang mo dipelong tsa lona? Lebang diatla tsa me le dinao tse me; gonne ke nna ka nosi; mphopholeng lo bone. Sedimo ga se na nama le marapo, jaaka lo mpona ke na le tsona.” Ya re a sena go bua jalo, a ba bontsha diatla le dinao. Ya re ba ise ba dumele ka ntlha ya boitumelo, mme ba gakgametse, a ba raya a re: “A lo na le se se jewang fano?” Ba mo naya lenatho la tlhapi e e besitsweng le la lomepe lwa dinotshe. A di tsaya, a di ja fa pele ga bone. A ba a ba raya a re: “Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a go re: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala.” Ya baa gona o sedimosang tlhaloganyo ya bone gore ba tlhaloganye Dikwalo. A ba raya a re: “Go kwadilwe jalo, mme go ne go tshwanetse gore Keresete a boge, a be a tsoge mo baswing ka letsatsi la boraro, le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema. Lona lo basupi ba dilo tse. Mme itseng, ke lo romela mpho e lo e solofeditsweng ke Rre. Lona lo nne mo motseng wa Jerusalema go tle go tsamae lo newe nonofo e e tswang kwa bogodimong.” Jaanong a ba gogela kwa ntle go fitlha go lebagana le Bethania; a tsholetsa mabogo a gagwe, a ba tshegofatsa. Ya re a ntse a ba tshegofatsa, a kgaogana nabo, a tlhatlosediwa kwa legodimong. Foo ba mo obamela, ba be ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo; ba nna mo Tempeleng ka gale, ba leboga Modimo, ba o baka. E rile mo tshimologong Lefoko la bo le ntse le le teng; Lefoko le ne le na le Modimo, mme Lefoko e ne e le Modimo. Le ne le na le Modimo mo tshimologong. Dilo tsotlhe di dirilwe ka lone, mme kwa ntle ga lone ga go a dirwa sepe sa tse di dirilweng. Bophelo bo ne bo le mo go lone; mme bophelo e ne e le lesedi la batho. Lesedi le ntse le phatsima mo lefifing mme lefifi ga le a ka la le amogela. Go ne ga tla motho, a romilwe ke Modimo, leina la gagwe e le Johane. Yoo o ne a tla go supa gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba tle ba dumele ka ene. E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi. Lesedi la boammaaruri le le bonegelang motho mongwe le mongwe e ne e le ene yo o tlang mo lefatsheng. O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le dirilwe ka ene; fela lefatshe ga le a ka la mo itse. O ne a tla kwa ga gagwe, mme ba gagwe ba se ka ba mo tshola. Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong ba ba dumelang mo leineng la gagwe; ke ba ba sa tsalwang ka madi, le e seng ka thato ya nama, le e seng ka thato ya monna, mme ba tsetswe ke Modimo. Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri. Johane o ne a supa ka ga gagwe, a kua a re: “Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Yo o tlang morago ga me o a mpheta; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’ ” Gonne rona rotlhe re bonye bopelotlhomogi godimo ga bopelothomogi mo botlalong jwa gagwe. Kana molao o neilwe ka Moše, mme bopelotlhomogi le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete. Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng. Tshupo ya ga Johane ke e: E rile Bajuta ba roma baperesiti le Balefi go ene, ba tswa Jerusalema go mmotsa gore: “O mang?” A ipolela, a se ka a itatola, a ipolela a re: “Ga ke Keresete.” Ba mmotsa ba re: “Mme o eng? A o Elia?” A re: “Ga ke ene.” “A ke wena moporofeti yole?” A araba a re: “Nnyaya.” Ke fa ba mo raya ba re: “O mang ne? Gore re tle re ba fe karabo ba ba re romileng. O a reng ka ga gago?” A re: “ ‘Ke nna lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: Siamisang tsela ya Morena!’ ” jaaka Jesaya moporofeti a kile a bua. Ba ba neng ba romilwe e ne e le ba Bafarisai. Jaanong ba mmotsa ba re: “O kolobeletsang, fa o se Keresete, le e seng Elia le e seng moporofeti yole?” Johane a ba araba a re: “Nna ke kolobetsa ka metsi; mme go eme mongwe mo gare ga lona yo lo sa mo lemogeng. Ke ene yo o tlang morago ga me, yo ke sa tshwanelang go funolola kgole ya setlhako sa gagwe.” Dilo tseo di dirafetse kwa Bethania kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o neng a le teng, a kolobetsa. E rile ka letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla go ene a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe! Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Monna o e tla morago ga me, yo o mphetang; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’ Le nna ke ne ke sa mo lemoge, mme ke tlile go kolobetsa ka metsi gore ene a tle a senolelwe Iseraele.” Johane a ba a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong, wa nna mo go ene. Le nna ke ne ke sa mo lemoge; mme ene yo o nthomileng go kolobetsa ka metsi a nthaya a re: ‘Ene yo ò tla bonang Mowa o fologela go ene, o nna mo go ene, ke ene yo o kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo.’ Ke bonye, ka ba ka supa gore yo ke Morwa Modimo.” Ya re ka moso Johane a bo a eme gape, a na le barutwa ba gagwe ba le babedi; a leba Jesu a ntse a tsamaya, a ba a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!” Barutwa ba babedi bao ba mo utlwa a bua, ba be ba sala Jesu morago. Jesu a retologa, a ba bona ba mo setse morago, a ba raya a re: “Lo batlang?” Ba mo raya ba re: “Rabbi,” (mo phetolelong ke go re: Moruti) “o nna kae?” A ba raya a re: “Tlaang lo bone.” Ba tla, ba bona fa a nnang teng, ba be ba tlhola nae letsatsi leo. Nako e ne e ka nna ya bone thapama. Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, e ne e le mongwe wa ba babedi ba ba neng ba utlwile Johane, ba mo sala morago. Yo a bona Simone morwa-rraagwe pele, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” mo phetolelong ke go re: Motlodiwa (Keresete). A ba a mo isa go Jesu. Jesu a mo leba a re: “O Simone, morwa Jona; o tla bidiwa Kefa,” mo phetolelong ke go re: Lefika (Petoro). Ya re ka moso Jesu a rata go ya kwa Galelea, a bona Filipo, a mo raya a re: “Ntshale morago!” Filipo e ne e le wa kwa Betsaita, motse wa ga gabo Andrea le Petoro. Filipo a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye yo Moše a kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baporofeti, e bong Jesu, morwa Josefa wa Nasaretha.” Nathanaele a mo raya a re: “A sengwe se se molemo se ka tswa kwa Nasaretha?” Filipo a mo raya a re: “Tlaa o bone!” Jesu a bona Nathanaele a tla go ene, a bua ka ga gagwe a re: “Bonang, Moiseraele wa nnete yo go se nang boferefere mo go ene!” Nathanaele a mo raya a re: “O nkitse jang?” Jesu a mo araba a re: “Ke go bonye o le fa tlase ga setlhare sa mofeie, Filipo a ise a go bitse.” Nathanaele a mo fetola a re: “Moruti, ke wena Morwa Modimo, ke wena kgosi ya Iseraele.” Jesu a mo fetola a re: “A o dumela ka gonne ke go reile ka re: ‘Ke go bonye fa tlase ga mofeie’? O tla bona dilo tse dikgolo bogolo go tse.” A ba a mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona legodimo le bulegile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba be ba fologela mo go Morwa-Motho.” Ka letsatsi la boraro go ne go le lenyalo kwa Kana wa Galelea, mma Jesu a le teng. Jesu le ene a lalelediwa lenyalo le barutwa ba gagwe. Jaanong ya re weine e tlhaela, mma Jesu a mo raya a re: “Ga ba na weine.” Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ke tlhakanetseng nao? Nako ya me ga e ise e tle.” Mmaagwe a raya badiredi a re: “Se a ka se lo rayang, lo se dire.” Jaanong ga bo go le ditsaga tsa majwe di le thataro, tse di beilweng ka fa mokgweng wa Bajuta wa go tlhapa, nngwe le nngwe e ka tshola dikgamelo di le tlhano gongwe di supa. Jesu a ba raya a re: “Tlatsang ditsaga tseo metsi!” Ba di tshela, tsa ba tsa tlala. Jaanong a ba raya a re: “Gayang jaanong, lo ise kwa go morulaganyi wa modiro.” Ba a isa. Ya re morulaganyi wa modiro a utlwa metsi a a fetogileng weine, a sa itse kwa e tswang teng, go itse badiredi fela ba ba gileng metsi, a bitsa monyadi, a mo raya a re: “Motho mongwe le mongwe o a tle a ntshe weine e e monate pele, mme fa ba sena go kgora, go ntshiwe e e seng monate. Wena o bolokile weine e e monate go fitlha jaanong.” Sesupo seo sa ntlha Jesu o se dirile kwa Kana wa Galelea, a bonatsa kgalalelo ya gagwe, mme barutwa ba gagwe ba dumela mo go ene. Morago ga moo a ya kwa Kaperenaume, ene le mmaagwe le bomonnawe le barutwa ba gagwe, ba tlhola teng malatsi a se kae. Jaanong Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme Jesu a ya kwa Jerusalema. A fitlhela ba ba rekisang dikgomo le dinku le maeba le baananyi ba madi ba ntse mo Tempeleng. Ya re a sena go dira seitei ka megala, a ba kobela kwa ntle ga Tempele botlhe, le tsona dinku le dikgomo; madi a baananyi a a tshololela fa fatshe, le dipati a di menola. A raya bone ba ba bapatsang maeba a re: “Tlosang dilo tse fa! Se direng Ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.” Foo barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore go kwadilwe ga twe: “Go tlhoafalela Ntlo ya gago go tla nja.” Ke fa Bajuta ba mmotsa ba re: “O ka re bontsha sesupo sefe gore ò ka dira dilo tseo?” Jesu a ba araba a re: “Digang Tempele e, nna ke tla e tsosa ka malatsi a le mararo.” Foo Bajuta ba re: “Tempele e, e agilwe dinyaga di le 46, mme ke eng fa wena o re, o tla e tsosa ka malatsi a le mararo?” Mme ene o ne a bua ka ga Tempele ya mmele wa gagwe. Jaanong e rile a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore o kile a bua jalo, ba be ba dumela Lokwalo le lefoko le Jesu a le buileng. E rile a le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo, batho ba bantsi ba dumela mo leineng la gagwe, ka ba bona ditshupo tsa gagwe tse a ntseng a di dira. Mme Jesu ka esi a se ka a ba ikanya, mo a ka ba ipolelelang, ka a ba itse botlhe, a sa tlhoke go bolelelwa sepe ka ga motho; gonne ene ka esi o ne a itse se se mo mothong. Go ne go le motho wa Bafarisai yo o bidiwang Nikotemo, mongwe wa lekgotla la Bajuta. Yoo a tla go Jesu bosigo, a mo raya a re: “Moruti, re itse gore o moruti yo o tswang kwa Modimong; gonne ga go ope yo o ka dirang ditshupo tse wena o di dirang, fa Modimo o se na nae.” Jesu a mo araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Fa motho a sa tsalwe go tswa godimo, ga a ka ke a lemoga puso ya Modimo.” Nikotemo a mo fetola a re: “Motho yo o godileng a ka tsalwa jang? A a ka ba a tsena la bobedi mo mmeleng wa ga mmaagwe, a boa a tsalwa?” Jesu a araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo pusong ya Modimo. Se se tsetsweng ke nama, ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa, ke mowa. O se gakgamale, fa ke go reile ka re: Lo tshwanetse go tsalwa go tswa godimo. Phefo e fokela kwa e ratang teng, o utlwa mosumo wa yona, mme ga o itse kwa e tswang teng le kwa e yang teng. Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo.” Nikotemo a mo fetola a re: “Dilo tse, di ka dirafala jang?” Jesu a mo araba a re: “O moruti wa Iseraele, mme dilo tse ke eng, fa o sa di tlhaloganye? Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Re bolela se re se itseng, re bile re supa se re se bonyeng; mme lona ga lo tshole tshupo ya rona. Fa ke lo boleletse dilo tsa lefatshe, mme lo sa dumele, lo ka dumela jang, fa ke lo bolelela tsa legodimo? Ga go ope yo o kileng a tlhatlogela kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa-Motho yo o mo legodimong. “Mme Morwa-Motho o tshwanetse go tlhatlosiwa, jaaka Moše a kile a tlhatlosa noga kwa sekakeng, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene, a se latlhege, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela Morwaa-ona yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a latlhega, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng. Kana Modimo ga o a roma Morwaa-ona mo lefatsheng gore a atlhole lefatshe, mme e le gore lefatshe le pholosiwe ka ene. “Yo o dumelang mo go ene ga a atlholwe. Yo o sa dumeleng o setse a atlhotswe, ka a se ka a dumela mo leineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. Mme katlholo ke e: Lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, le gona ga a tle mo leseding, gore ditiro tsa gagwe di se ka tsa kgalemelwa. Mme yo o dirang boammaaruri o tla kwa leseding gore ditiro tsa gagwe di bonatsege gore di dirilwe ka Modimo.” Morago ga dilo tse Jesu le barutwa ba gagwe ba fitlha mo lefatsheng la Jutea; a nna nabo teng, a ba a kolobetsa. Johane le ene o ne a kolobetsa kwa Enone, gaufi le Salime; gonne metsi a ne a le mantsi teng, mme batho ba ya teng, ba kolobediwa. Gonne Johane o ne a ise a tsenngwe mo ntlong ya kgolegelo. Jaanong ga tsoga kganetsanyo fa gare ga barutwa ba ga Johane le Mojuta mongwe ka ga phepafatso. Ba ya kwa go Johane, ba mo raya ba re: “Moruti, yo o neng a na nao kwa moseja ga Joretane, yo ò supileng ka ga gagwe, bona, o a kolobetsa, mme botlhe ba ya go ene.” Johane a araba a re: “Motho ga a ka ke a amogela sepe, fa a sa se newa ke Modimo. Lona ka losi lo basupi ba me ba gore ke boletse ka re: ‘Nna ga ke Keresete, mme ke romilwe go mo etelela pela fela.’ Yo o nang le monyalwa ke monyadi; mme tsala ya monyadi e e mo direlang e a mo utlwa, e itumelela lentswe la monyadi thata. Boitumelo joo jwa me bo tletse jaanong. Ene o tshwanetse go gola, mme nna ka ngotlafala. “Yo o tswang kwa godimo o godimo ga botlhe. Yo o tswang mo lefatsheng ke wa lefatshe, o bile o bua ka ga lefatshe. Yo o tswang kwa legodimong o godimo ga botlhe. Se o se bonyeng, a ba a se utlwa, ke sona se a se supang; mme tshupo ya gagwe ga e amogelwe ke ope. Yo o amogetseng tshupo ya gagwe o tlhomamisitse gore Modimo o boammaaruri. Gonne yo Modimo o mo romileng o bua mafoko a Modimo; gonne o aba Mowa kwa ntle ga selekanyo. Rara o rata Morwa, mme dilo tsotlhe o di tsentse mo seatleng sa gagwe. Yo o dumelang mo go Morwa o na le bophelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a ka ke a bona bophelo, mme bogale jwa Modimo bo mo okame.” E rile Morena a lemoga gore Bafarisai ba utlwile go twe, Jesu o dira barutwa ba le bantsi, e bile o kolobetsa bogolo go Johane, – le fa Jesu ka esi a ne a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe – a tloga mo Jutea, a ba a boela kwa Galelea. Mme o ne a tshwanetse go ralala Samaria. Jaanong a fitlha kwa motseng mongwe wa Samaria o o bidiwang Sigare, gaufi le tshimo e Jakobe a neng a e file Josefa morwawe. Foo ga bo go le sediba sa ga Jakobe. Jaanong ya re ka Jesu a lapisitswe ke leeto, a nna fa sedibeng, e ne e ka nna ka nako ya motshegare. Ga tla mosadi wa Samaria go ga metsi. Jesu a mo raya a re: “Mphe ke nwe!” Gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile kwa motseng go reka dijo. Jaanong mosadi wa Mosamaria a mo raya a re: “Wena yo o leng Mojuta o ka kopa jang metsi mo go nna ke le mosadi wa Mosamaria?” A re jalo ka gonne Bajuta ba ne ba sa tsalane le Basamaria. Jesu a mo araba a re: “Fa ò ka bo o itse neo ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re: Mphe ke nwe! ke wena o ka bong o mo kopile, mme a ka bo a go naya metsi a a phelang.” Mosadi a mo raya a re: “Morena, ga o na segelelo, mme sediba se boteng; metsi a a phelang o ka a tsaya kae? A o mogolo go rraetsho Jakobe yo o re neileng sediba se, yo o neng a nwa mo go sona ka esi le bomorwawe le diruiwa tsa gagwe?” Jesu a mo fetola a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metse a, o tla nyorwa gape; mme yo o ka nwang metsi a nna ke tla a mo nayang, ga a ka ke a tlhola a nyorwa ka bosenabokhutlo; mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna motswedi mo go ene o o elelang go isa bophelong jo bo sa khutleng.” Mosadi a mo raya a re: “Morena, a o ko o mphe metsi ao, gore ke se tlhole ke nyorwa, le e seng go tla kwano go ga.” Jesu a mo raya a re: “Yaa o bitse monna wa gago, lo tle kwano!” Mosadi a fetola a re: “Ga ke na monna.” Jesu a mo raya a re: “O buile sentle, fa o re, ga o na monna; gonne ke banna ba batlhano ba ba neng ba go nyala, mme yo ò nang nae kajeno ga se monna wa gago; moo o buile nnete.” Mosadi a mo raya a re: “Morena, ke lemoga gore o moporofeti. Borraetsho ba ne ba obamela mo thabeng e, mme lona lo a re: Jerusalema ke felogosi fa go tshwanetseng ga obamelwa teng.” Jesu a mo raya a re: “Mosadi, o ntumele, nako e e tla e lo se kitlang lo obamela Rara ka yona mo thabeng e, le fa e le kwa Jerusalema. Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne pholoso e tswa mo Bajuteng. Mme nako e e tla, le jaanong e setse e tsile, e baobamedi ba nnete ba tla obamelang Rara ka yona ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla baobamedi ba ba ntseng jalo. Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba tshwanetse go o obamela ka Mowa le ka boammaaruri.” Mosadi a mo raya a re: “Ke itse gore Mesia yo o bidiwang Keresete o e tla; e tla re a sena go tla, a re bolelele dilo tsotlhe.” Jesu a mo raya a re: “Ke nna yo ke buang nao.” Ke fa barutwa ba gagwe ba tla; mme ba gakgamala, ka a bua le mosadi. Le fa go ntse jalo ga se ka ga nna ope yo o reng: “Ò batlang?” gongwe go Jesu: “O buelang nae?” Jaanong mosadi a tlogela nkgwana ya gagwe, a ya kwa motseng, a raya batho a re: “Tlaang lo bone motho yo o mpoleletseng tsotlhe tse ke di dirileng; a jaana ga se ene Keresete?” Ba tswa mo motseng, ba tla go ene. Barutwa ba sala ba mo rapela ba re: “Moruti, a o ko o je!” Ene a ba raya a re: “Ke na le sejo se ke se jang, se lo sa se itseng.” Jaanong barutwa ba botsanya ba re: “A mongwe o mo tsiseditse dijo?” Jesu a ba raya a re: “Sejo sa me ke go dira thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe. A ga lo re: ‘Go setse dikgwedi tse nne go ya thobong’? Bonang, ke lo raya ke re: Tsholetsang matlho, lo lebe masimo; gonne a setse a sweufaletse thobo. Yo o robang o amogela tuelo, mme leungo o le phuthela bophelo jo bo sa khutleng, gore yo o jwalang a itumele mmogo le yo o robang. Gonne fano lefoko le le reng: ‘Mongwe o a jwala, yo mongwe o a roba,’ ke la nnete. Ke lo romile go roba fa lo ne lo sa dira teng; go dirile ba bangwe, mme lona lo tsenye mo tirong tsa bone.” Basamaria ba bantsi ba motse oo ba dumela mo go ene ka ntlha ya lefoko la mosadi yo o supileng a re: “O mpoleletse tsotlhe tse ke di dirileng.” E rile jaanong Basamaria ba tla go ene, ba mo rapela gore a tlhole nabo. A tlhola teng malatsi a le mabedi. Ga ba ga dumela ba bantsi go feta ba pele ka ntlha ya lefoko la gagwe. Ba raya mosadi ba re: “Jaanong ga re tlhole re dumela ka ntlha ya polelo ya gago; gonne rona ka rosi re mo ikutlwetse, mme re itse gore ke ene Keresete tota, Mopholosi wa lefatshe.” Morago ga malatsi a mabedi a tswa teng, a ya kwa Galelea; gonne Jesu ka esi o ne a supile gore moporofeti ga a na tlotlo epe mo lefatsheng la ga gabo. E rile jaanong a fitlha kwa Galelea, Bagalelea ba mo tshola, ka ba bonye tsotlhe tse a di dirileng kwa Jerusalema mo moletlong; gonne le bone ba ne ba ile moletlong. Jaanong Jesu a fitlha gape kwa Kana wa Galelea, kwa a kileng a fetola metsi weine teng. Ga bo go le tona ya kgosi, e morwaa-yona a neng a lwala kwa Kaperenaume. E rile ene a utlwa gore Jesu o dule kwa Jutea, mme o tsile kwa Galelea, a ya go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa morwawe; gonne o ne a le gaufi le go swa. Jaanong Jesu a mo raya a re: “Fa lo sa bone ditshupo le dikgakgamatso, ga lo dumele ka gope.” Tona ya mo raya ya re: “Morena, a o ko o tle, ngwanake a ise a swe.” Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, morwao o phedile.” Motho yoo a dumela lefoko le Jesu a le mo rayang, a ba a tsamaya. Ya re a sa ntse a le mo tseleng, batlhanka ba gagwe ba mo kgatlhantsha, ba mmolelela gore morwawe o phedile. Foo a ba botsa nako e o fodileng ka yona. Ke fa ba mo raya ba re: “E rile maabane ka nako ya motshegare go fisa ga mo tlogela.” Jaanong rraagwe a lemoga gore ke yona nako e Jesu a mo reileng ka yona a re: “Morwao o phedile.” Mme a dumela le ba lapa la gagwe botlhe. Sesupo seo ke sa bobedi se Jesu o se dirileng, a sena go tswa kwa Jutea, a ya kwa Galelea. Morago ga tseo ga nna moletlo mongwe wa Bajuta, mme Jesu a ya Jerusalema. Jaanong go na le bodiba mo Jerusalema fa Kgorong ya Dinku jo bo bidiwang Bethesta ka Sehebere, bo na le maobo a le matlhano. Mo go ona go ne go letse balwetse ba bantsi le difofu le batlhotsi le baomeledi, ba ntse ba letetse kgobero ya metsi. Gonne moengele o ne a tle a fologele mo bodibeng ka dinako tse dingwe, a hudue metsi; yo jaanong a tsenang pele, metsi a sena go huduiwa, a fole, le fa e ka nna bolwetse bofe jo bo mo tshwereng. Jaanong go ne go le motho mongwe teng yo e setseng e le dinyaga di le 38 a ntse a lwala. E rile Jesu a mmona a letse, mme a utlwa gore ga a bolo go nna jalo, a mo raya a re: “A o rata go fola?” Molwetse a mo araba a re: “Morena, ga ke na motho ope yo o ka ntsenyang mo bodibeng, fa metsi a huduiwa; e a re ke sa ntse ke tla, go fologele yo mongwe pele ga me.” Jesu a mo raya a re: “Tsoga o tsee bolao jwa gago, o tsamae!” Ke fa motho yoo a fola e sa le ka nako eo, a tsaya bolao jwa gagwe, a tsamaya. Mme letsatsi leo e le la Sabata. Ya baa gona Bajuta ba rayang yo o fodisitsweng ba re: “Ke Sabata; ga go a letlelelwa gore o rwale bolao.” Yoo a ba fetola a re: “Yo o mphodisitseng ke ene yo o ntheileng a re: ‘Tsaya bolao jwa gago, o tsamae.’ ” Ba mmotsa ba re: “Motho yoo ke mang yo o go reileng a re: ‘Bo tsee o tsamae’?” Mme yo o fodisitsweng o ne a sa mo itse; gonne Jesu o ne a ngwangwaetse, go le batho ba bantsi mo felong foo. Morago ga moo Jesu a mmona mo Tempeleng, a mo raya a re: “Bona, o fodile; o se tlhole o leofa, gore se se bosula bogolo se se go dirafalele.” Motho yoo a ya a bolelela Bajuta gore ke Jesu yo o mo fodisitseng. Ka ntlha ya moo Bajuta ba tlhomara Jesu, ba batla go mmolaya, ka a dirile dilo tseo ka Sabata. Jesu a ba fetola a re: “Rre o sa dira le ka nako eno, le nna ke a dira.” Ke ka ntlha ya moo Bajuta ba ne ba batla bogolo go mmolaya, e seng fela ka a sentse Sabata, mme le gona e le ka a rile, Modimo ke rraagwe, a itekanya le Modimo. Ya baa gona Jesu a ba fetolang a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Morwa o palelwa ke go dira sengwe ka bogagagwe, fa a sa bone Rara a se dira; gonne tse ene o di dirang, Morwa le ene o di dira jalo. Kana Rara o rata Morwa, o mmontsha tsotlhe tse o di dirang, e bile o tla mmontsha ditiro tse dikgolo bogolo go tse gore lo gakgamale. Gonne Morwa o phedisa ba o ratang go ba phedisa, jaaka Rara a tsosa baswi, a ba phedisa. Le gona Rara ga a atlhole ope, mme katlholo yotlhe o e neetse Morwa gore botlhe ba tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa, ga a tlotle Rara yo o mo romileng. “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o utlwang lefoko la me, a dumela ene yo o nthomileng, o na le bophelo jo bo sa khutleng, mme ga a tsene mo katlholong; o dule mo losong, a tshelela botshelong. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Nako e e tla, le jaanong e setse e tsile, e baswi ba tla utlwang lentswe la Morwa Modimo ka yona, mme ba ba le utlwang ba tla phela. Gonne Rara o neile Morwa go nna le bophelo mo go ene ka esi, jaaka ene a na le botshelo mo go ene ka esi. O bile o mo neetse thata ya go atlhola, ka e le ene Morwa-Motho. Se gakgamaleleng moo; gonne nako e e tla e botlhe ba ba mo diphupung ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yona. Ba tla tswa, ba ba dirileng tse di molemo go ya tsogong ya bophelo, ba ba dirileng tse di bosula bone go ya tsogong ya katlholo. “Ga nka ke ka dira sepe ka bogame. Ke atlhola ka fa ke utlwang ka teng, mme katlholo ya me ke ya tshiamo; gonne ga ke batle thato ya me, ke batla thato ya yo o nthomileng. “Fa ke supa ka ga me, tshupo ya me e ka se nne nnete. Ke o sele yo o supang ka ga me, mme ke itse gore tshupo e o e supang ka ga me ke nnete. Lo romile batho kwa go Johane, mme o supile boammaaruri. Nna ga ke amogele tshupo mo mothong, mme dilo tse ke di bua gore lo pholosiwe. Ene e ne e le lobone lo lo tukang, lo lo phatsimang, mme lona lo ne lwa rata go itumelela lesedi la gagwe ka nakonyana fela. “Nna ke na le tshupo e e fetang ya ga Johane; gonne ditiro tse Rara o di nneetseng go di wetsa, e bong tsona ditiro tse ke di dirang, di supa ka ga me gore Rara o nthomile. Rara yo o nthomileng le ene o supile ka ga me. Ga lo ise lo utlwe lentswe la gagwe ka motlha ope, le fa e le go bona gore o ntse jang. Le Lefoko la gagwe ga le nne mo go lona; gonne ga lo dumele yo a mo romileng. Lo batlisisa Dikwalo; gonne lo itlhoma lo ka nna le botshelo jo bo sa khutleng ka tsona, e tswe e le tsona tse di supang ka ga me. Mme lo gana go tla kwa go nna, gore lo tle lo nne le bophelo. “Ga ke newe tlotlo ke batho. Mme ke itse gore ga lo na lorato lwa Modimo mo go lona. Nna ke tsile mo leineng la ga Rre, mme ga lo ntshole; fa o sele a ka itlela ka leina la gagwe, ene lo tla mo tshola. Lo ka dumela jang lona ba lo tlotlanang, mme tlotlo e e tswang mo Modimong o le osi yona lo sa e batle? Lo se ka lwa gopola gore nna ke tla lo baya molato mo go Rara. Moše ke ene yo o lo bayang molato, yo lo solofetseng mo go ene. Gonne fa lo ka bo lo dumetse Moše, le nna lo ka bo lo ntumetse; gonne ene o kwadile ka ga me. Mme fa lo sa dumele dikwalo tsa gagwe, mafoko a me lo ka a dumela jang?” E rile morago ga tseo Jesu a tshelela kwa moseja ga letsha la Galelea, le e leng la Tiberia. Bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, ka ba bonye ditshupo tse a di dirileng mo balwetseng. Jaanong Jesu a tlhatlogela mo thabeng, a nna teng le barutwa ba gagwe. Mme Tlolaganyo, moletlo wa Bajuta, ya bo e le gaufi. Ya re Jesu a tsholetsa matlho, mme a bona bontsi jo bogolo bo tla go ene, a raya Filipo a re: “Re tla reka dinkgwe kae, gore bao ba je?” Mme a bo a bua jalo, e le go mo leka fela; gonne ene ka esi o ne a itse se a tla se dirang. Filipo a mo araba a re: “Dinkgwe tsa diranta di le 40 ga di ka ke tsa ba lekana, gore mongwe le mongwe a amogele go le gonnye.” Mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, a mo raya a re: “Mosimane ke yo, o na le dinkgwe tse tlhano tsa garase le ditlhatswana tse pedi; mme tse e ka nna eng mo bontsing jo bo kana?” Ke fa Jesu a re: “Nnisang batho fa fatshe!” Gona foo go ne go le bojang jo bontsi. Jaanong banna ba nna fa fatshe, palo ya bone e ka ne e le dikete tse tlhano. Jesu a ba a tsaya dinkgwe, a leboga, a di abela barutwa, mme barutwa ba di abela ba ba ntseng fa fatshe; le tsona ditlhatswana fela jalo, ka fa ba ratang ka teng. Ya re ba sena go kgora, a raya barutwa ba gagwe a re: “Selang masadisa gore go se latlhege sepe.” Ba a sela, ba tlatsa ditlatlana di le 12 ka masadisa a dinkgwe tse tlhano tsa garase a a setseng mo go ba ba jeleng. Jaanong ya re batho ba bona sesupo se o se dirileng, ba re: “Ammaaruri, ke ene moporofeti yo go tilweng o tla tla mo lefatsheng.” Ya re ka Jesu a lemoga gore ba tla tla go mo tsaya ka thata go mo dira kgosi, a ngwega, a boela gape kwa thabeng a le esi. E rile go tshwara letlatlana, barutwa ba gagwe ba fologela kwa letsheng, ba ya ba palama mokoro, ba tshela letsha go ya kwa Kaperenaume. Mme ga nna lefifi, Jesu a ise a be a tle go bone. Jaanong letsha la huduiwa ke go foka ga phefo e kgolo. Ya re ba tsweletse pele e ka nna dimaele tse tharo gongwe tse nne, ba bona Jesu a tsamaya mo godimo ga letsha, a atamela mokoro; mme ba boifa. Foo a ba raya a re: “Ke nna, se boifeng!” Ke fa ba rata gore a palame mokoro, mme mokoro wa akofa wa fitlha kwa lefatsheng le ba yang go lone. Ka moso batho ba ba emeng kwa moseja ga letsha ba lemoga gore go ne go se na mokoro ope o sele, fa e se o le mongwe fela o barutwa ba ga Jesu ba neng ba o palama, le gore Jesu ga a ka a o palama le barutwa ba gagwe, mme barutwa ba gagwe ba tsamaile ba le bosi fela. Mekoro e mengwe e e tswang Tiberia ya atamela felong fa ba jetseng senkgwe teng, Morena a sena go leboga. Ya re jaanong batho ba bona fa Jesu a se teng le e seng barutwa ba gagwe, le bone ba palama mekoro, ba ya kwa Kaperenaume, go batla Jesu. Ya re ba mo fitlhela kwa moseja ga letsha, ba mmotsa ba re: “Moruti, o tlile leng kwano?” Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga lo mpatle ka gonne lo bonye ditshupo, mme ke ka gonne lo jele dinkgwe, lwa kgora. Se tlhoafaleleng sejo se se nyelelang, mme lo tlhoafalele sejo se se nnelang go ya go fitlha bophelong jo bo sa khutleng, se Morwa-Motho o tla se lo nayang; gonne ke ene yo Rara, e bong Modimo, o mo kanneng.” Ba mo raya ba re: “Re ka itheng gore re tlhoafalele ditiro tsa Modimo?” Jesu a ba araba a re: “Tiro ya Modimo ke gore lo dumele mo go ene yo o romilweng ke ona.” Ba mo raya ba re: “Kana o dira sesupo sefe gore re bone, re go dumele? O itshupa ka tiro efe? Borraetsho ba jele Mmana kwa sekakeng, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘O ba file senkgwe se se tswang kwa legodimong go se ja.’ ” Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga se Moše yo o lo fileng senkgwe se se tswang kwa legodimong, ke Rre yo o lo fang senkgwe sa nnete se se tswang kwa legodimong. Gonne senkgwe sa Modimo ke sona se se fologang kwa legodimong, se se nayang lefatshe bophelo.” Ba mo raya ba re: “Morena, re fe senkgwe seo ka metlha yotlhe.” Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa bophelo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa. Mme ke lo boleletse ka re: Go mpona lo mponye, mme ga lo dumele. Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tla tla go nna, mme yo o tlang go nna, ga nka ke ka mo kgarameletsa ntle. Gonne ke fologile kwa legodimong, e seng go dira thato ya me, fa e se go dira thato ya yo o nthomileng. Mme thato ya yo o nthomileng ke go re, botlhe ba o ba nneileng ke se ka ka latlhegelwa ke ope wa bone, mme bogolo ke be ke ba tsose ka letsatsi la bofelo. Gonne thato ya ga Rre ke go re, mongwe le mongwe yo o lebang Morwa, a ba a dumela mo go ene, a nne le bophelo jo bo sa khutleng, mme nna ke tle ke mo tsose ka letsatsi la bofelo.” Jaanong Bajuta ba mo ngongoregela, ka a rile: “Ke nna senkgwe se se fologileng kwa legodimong,” ba re: “Yo a ga se Jesu, morwa Josefa, yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang jaanong fa a re: ‘Ke fologile kwa legodimong’?” Jesu a ba fetola a re: “Se tlhotlheletsaneng go ngongorega. Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna fa e se yo o gogwang ke Rara yo o nthomileng; mme nna ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo. Gonne go kwadilwe mo baporofeting ga twe: ‘Botlhe ba tla bo ba rutilwe ke Modimo.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, a ithuta, o tla go nna. Ga se go re motho mongwe o kile a bona Rara, fa e se yo o tswang kwa Modimong; ke ene yo o bonyeng Rara. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o dumelang mo go nna o na le bophelo jo bo sa khutleng. Ke nna senkgwe sa bophelo. Borraeno ba ne ba ja Mmana kwa sekakeng, mme ba sule. Se ke sona senkgwe se se fologang kwa legodimong, gore motho a se je, mme a se ka a swa. Ke nna senkgwe se se phelang se se fologileng kwa legodimong. Fa mongwe a ka ja senkgwe se, o tla phela ka bosenabokhutlo; mme senkgwe se ke tla se abang ke nama ya me e ke tla e neelang losong gore lefatshe le tle le phele.” Ya baa gona Bajuta ba ganetsanyang ba re: “Yo a ka re naya nama ya gagwe jang go e ja?” Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo sa je nama ya Morwa-Motho, lwa ba lwa nwa madi a gagwe, ga lo na bophelo mo teng ga lona. Yo o jang nama ya me, a ba a nwa madi a me, o na le bophelo jo bo sa khutleng, mme nna ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo; gonne nama ya me ke sejo tota, le madi a me ke seno tota. Yo o jang nama ya me, a ba a nwa madi a me, o ntse mo go nna, le nna ke ntse mo go ene. Yo o njang o tla phela ka ntlha ya me, jaaka Rara yo o phelang a nthomile, mme le nna ke phela ka ntlha ya ga Rara. Se ke sona senkgwe se se fologileng kwa legodimong, e seng jaaka borraeno ba ne ba ja, mme ba swa. Yo o jang senkgwe se o tla phela ka bosakhutleng.” Dilo tse o di buile, fa a ruta mo senagogeng kwa Kaperenaume. E rile jaanong ba bantsi ba barutwa ba gagwe ba utlwa, ba re: “Lefoko le, le thata; ke mang yo o ka le utlwelelang?” Ya re ka Jesu a itse ka bogagagwe gore barutwa ba gagwe ba ngongoregela seo, a ba raya a re: “A seo se a lo kgopisa? Jaanong lo tla reng fa lo bona Morwa-Motho a tlhatlogela kwa a neng a le teng pele? Mowa ke ona o o phedisang; nama ga e na thuso epe. Mafoko a nna ke a buileng le lona ke mowa, e bile ke bophelo. Mme go na le bangwe mo go lona ba ba sa dumeleng.” Jesu o ne a itse go tloga tshimologong gore ba ba sa dumeleng ke bomang, le gore yo o tla mo tshwarisang ke mang. A boa a re: “Ke gona ka moo ke lo reileng ka re: Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna, fa e se yo o go newang ke Rara.” Go tloga foo ba bantsi ba barutwa ba gagwe ba boela kwa morago, ba se ka ba tlhola ba tsamaya nae. Jaanong Jesu a raya ba ba 12 a re: “A le lona lo rata go tsamaya?” Simone Petoro a mo araba a re: “Morena, re tla ya go mang? Wena o na le mafoko a bophelo jo bo sa khutleng; mme re dumetse, re bile re itse gore ke wena Moitshepi wa Modimo.” Jesu a ba araba a re: “A ga ke a lo itlhaolela lo le 12? Mme mongwe wa lona ke Diabolo.” O ne a raya Jutase Isekariote, morwa Simone; gonne e ne e le ene yo o tla mo tshwarisang, e le mongwe wa ba ba 12. Morago ga tseo Jesu a nna a tsamaya mo Galelea; gonne o ne a sa rate go tsamaya mo Jutea, ka Bajuta ba batla go mmolaya. Jaanong moletlo wa Bajuta wa Metlaagana o ne o le gaufi. Ke fa bomonnawe ba mo raya ba re: “Tloga mono, o ye kwa Jutea gore le barutwa ba gago ba bone ditiro tsa gago tse o di dirang. Gonne ga go ope yo o dirang sengwe mo sephiring, fa ene ka esi a batla go nna mo ponatshegong. Fa o dira dilo tse, iponatse mo lefatsheng.” Gonne le bone bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene ka sebaka sele. Jesu a ba raya a re: “Nako ya me ga e ise e tle, mme lona lo ka dira ka nako tsotlhe. Lefatshe ga le ka ke la lo tlhoa, mme nna le ntlhoile; gonne nna ke ntse ke supa ka ga lone gore ditiro tsa lone di bosula. A go ye lona kwa moletlong, nna ga ke ye kwa go ona jaanong; gonne nako ya me ga e ise e tlale.” E rile a sena go bua dilo tseo nabo, a sala mo Galelea. Ya re bomonnawe ba sena go ya, le ene a ya kwa moletlong, e se mo pepeneneng, mme e le mo sephiring. Ke fa Bajuta ba mmatla mo moletlong ba re: “Yole o kae?” Mme go ne go le phapaano e kgolo mo bathong ka ntlha ya gagwe; gonne bangwe ba ne ba re: “O molemo;” ba bangwe ba re: “Nnyaya, kana o timetsa batho.” Le fa go ntse jalo ga bo go se ope yo o buang ka ga gagwe ka phuthologo ka ntlha ya go boifa Bajuta. E rile e setse e le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng, a ruta. Ke fa Bajuta ba gakgamala ba re: “Monna yo, o itse Dikwalo jang, etswe a sa rutwa?” Jesu a ba araba a re: “Thuto ya me ga se ya me, ke ya yo o nthomileng. Fa motho a rata go dira thato ya Modimo, o tla itse ka ga thuto gore a e tswa go ona, kampo ke bua se se tswang mo go nna fela. Yo o buang se se tswang mo go ene fela o ipatlela tlotlo; mme yo o batlang tlotlo ya yo o mo romileng, yoo ke ene wa nnete, ga go na tshiamololo epe mo go ene. A Moše ga a a lo naya molao? Mme le fa go ntse jalo ga go ope wa lona yo o tshegetsang molao. Lo batlelang go mpolaya?” Batho ba araba ba re: “O a tsenwa; ke mang yo o batlang go go bolaya?” Jesu a ba araba a re: “Ke dirile tiro e le nngwe fela, mme lo gakgametse lotlhe. Moše o lo neile bogwera; – e se gore bo tswa mo go Moše, bo tswa mo go borraeno – mme lo a tle lo rupise motho ka letsatsi la Sabata. Fa motho a rupisiwa ka Sabata, gore molao wa ga Moše o se dirololwe, ke eng fa lo nkgalefetse, fa ke fodisitse motho yotlhe ka Sabata? Se atlholeng ka fa lo bonang; atlholang ka katlholo e e siameng.” Jaanong bangwe ba Jerusalema ba re: “Yoo a ga se ene yo ba batlang go mmolaya? Kana o bua ka phuthologo, mme ga ba mo ree sepe. A jaana ruri balaodi ga ba a lemoga, fa e le ene Keresete? Mme re itse kwa monna yo a tlhagang teng; mme motlhang Keresete a tlang, ga go ope yo o tla itseng kwa a tlhagang teng.” Foo Jesu a tsholetsa lentswe mo Tempeleng, a ruta a re: “A lo a nkitse, a lo itse kwa ke tswang teng? Kana ga ke a itlisa, mme yo o nthomileng ke wa nnete, yo lo sa mo itseng. Nna ke a mo itse; gonne ke fa go ene, e bile o nthomile.” Jaanong ba batla go mo tshwara; mme ga se ka ga nna ope yo o mo ntshetsang letsogo, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle. Mme ba bantsi ba morafe ba dumela mo go ene, ba be ba re: “A fa Keresete a tla, o tla dira ditshupo tse dintsi bogolo go tse monna yo a di dirileng?” Ya re Bafarisai ba utlwa gore batho ba seba jalo ka ga gagwe, bone baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba roma batlhanka go mo tshwara. Jaanong Jesu a re: “Ke sa na le lona ka bokhutshwanyane fela, mme ke ya go ene yo o nthomileng. Lo tla mpatla, mme ga lo kitla lo mpona; le gona kwa ke leng teng lona ga lo kgone go fitlha teng.” Foo Bajuta ba raana ba re: “Yoo o tla ya kae, fa a re, ga re ka ke ra mmona? A o tla ya kwa go ba ba falaletseng kwa Bagerikeng, a ya go ruta Bagerika? Lefoko la reng, le a le buileng a re: ‘Lo tla mpatla, mme lo se ke lo mpone, le gona fa ke leng teng, lona ga lo kgone go fitlha teng’?” Ka letsatsi la bofelo, e le le legolo la moletlo, Jesu a bo a eme, a tsholetsa lentswe a re: “Fa mongwe a nyorilwe, a a tle go nna, a nwe! Yo o dumelang mo go nna, ‘dinoka tsa metsi a a phelang di tla ela di tswa mo mmeleng wa gagwe,’ jaaka Dikwalo di buile.” Mme o ne a bua jalo ka ga Mowa o ba ba dumelang mo go ene ba tla o amogelang; gonne Mowa o o Boitshepo o ne o ise o nne teng, ka Jesu a ne a ise a galalediwe. Jaanong e rile bangwe mo bathong ba sena go utlwa mafoko ao, ba bua ba re: “Ammaaruri, ke ene moporofeti yole.” Ba bangwe ba re: “Ke ene Keresete.” Ba bangwe ba re: “A Keresete a ka tswa kwa Galelea? A Lokwalo ga lo a ka lwa re: Keresete o tla tswa mo losikeng lwa ga Dafita le mo motsaneng wa Betleheme, mo Dafita a neng a le teng?” Ga ba ga nna kgaogano mo bathong ka ga gagwe. Bangwe ba bone ba batla go mo tshwara, mme ga bo go se ope yo o mo ntshetsang letsogo. Ke fa batlhanka ba boela kwa baperesiting ba bagolo le Bafarisaing; mme bone ba ba raya ba re: “Lo ne lo sa mo tsisetseng?” Batlhanka ba araba ba re: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka motho yole.” Bafarisai ba ba fetola ba re: “A le lona lo timeditswe? A mongwe wa balaodi gongwe wa Bafarisai o dumetse mo go ene? Kana morafe o, o o sa itseng molao, o hutsitswe!” Nikotemo, mongwe wa bone yo o kileng a tla go ene, a ba raya a re: “A molao wa rona o ka atlhola motho, a ise a sekisiwe, go ise go itsiwe se a se dirileng?” Ba mo araba ba re: “A le wena o wa kwa Galelea? Tlhotlhomisa o bone gore ga go na moporofeti ope yo o ka tswang kwa Galelea.” Jaanong ba tsamaya, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe. Jaanong Jesu a ya kwa Thabeng ya Diolefa. A ba a boela gape kwa Tempeleng ka moso go sa le phakela, mme batho botlhe ba tla kwa go ene, a dula, a ba ruta. Foo Baitsedikwalo le Bafarisai ba tsisa go ene mosadi yo o tshwerweng mo boakeng. Ya re ba sena go mo emisa mo gare ga bone, ba mo raya ba re: “Moruti, mosadi yo, o tshwerwe, a akafala. Mme Moše o re laetse mo molaong gore ba ba ntseng jalo ba kgobotlediwe ka majwe. Jaanong wena o a reng?” Ba ne ba bua jalo, e le go mo lalela gore ba baane le se ba ka mmayang molato ka sona. Mme Jesu a inama, a kwala ka monwana fa fatshe. Ya re ba tsweletse go mmotsa, a inamologa, a ba raya a re: “Yo o se nang sebe mo go lona, a e nne ene wa ntlha yo o mo konopang ka lentswe.” A boa a inama, a kwala fa fatshe. Ya re ba utlwa, mme ba latofadiwa ke digakolodi tsa bone, ba tswa ka monokela go simolola ka bagolo go ya go wa bofelo, Jesu a tlogelwa a le esi, le mosadi a ntse a eme fa gare. Ya re Jesu a inamologa, mme a sa bone ope, fa e se mosadi fela, a mo raya a re: “Mosadi, balatofatsi bale ba gago ba kae? A ga go ope yo o go atlhotseng?” Yoo a re: “Ga go ope, Morena.” Jesu a mo raya a re: “Le nna ga ke go atlhole. Tloga o tsamae, mme o se tlhole o leofa.” Jesu a ba a bua nabo gape a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ka ke a tsamaya mo lefifing, mme o tla nna le lesedi la bophelo.” Ke fa Bafarisai ba mo raya ba re: “O supa ka ga gago fela, tshupo ya gago ga se ya nnete.” Jesu a ba fetola a re: “Le fa ke supa ka ga me, tshupo ya me ke ya nnete; gonne ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng, mme lona ga lo itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng. Lona lo atlhola ka fa nameng; nna ga ke atlhole ope. Le fa nna nka atlhola, katlholo ya me e tla bo e le ya nnete; gonne ga ke nosi, ke nna le yo o nthomileng. Le gona go kwadilwe mo molaong wa lona gore tshupo ya batho ba le babedi ke ya nnete. Ke nna yo ke supang ka ga me, le Rara yo o nthomileng o supa ka ga me.” Foo ba mo raya ba re: “Rraago o kae?” Jesu a araba a re: “Ga lo nkitse le fa e le Rre. Fa lo ka bo lo nkitse, le ene Rre lo ka bo lo mo itse.” Mafoko a, o ne a a buela fa letloleng la dineo, a ruta mo Tempeleng; mme ga se ka ga nna ope yo o mo tshwarang, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle. Jesu a boa a ba raya a re: “Ke a tsamaya; lo tla mpatla, mme lo tla swela mo dibeng tsa lona. Kwa ke yang teng, lo ka se kgone go fitlha teng.” Bajuta ba re: “A o tla ipolaya, fa a re: ‘Kwa ke yang teng, lo ka se kgone go fitlha teng’?” Jesu a ba raya a re: “Lona lo ba tlase, nna ke wa godimo; lona lo ba lefatshe leno, nna ga ke wa lefatshe leno. Ke ka moo ke lo reileng ka re: Lo tla swela mo dibeng tsa lona; gonne fa lo sa dumele gore ke nna ena, lo tla swela mo dibeng tsa lona.” Ba mo raya ba re: “Wena o mang?” Jesu a ba raya a re: “Ke sa le ene yo ke lo ipoleletseng mo tshimologong. Ke na le dilo tse dintsi go di bolela ka ga lona le go di atlhola. Mme yo o nthomileng ke wa nnete, mme dilo tse ke di utlwileng mo go ene ke tsona tse ke di bolelelang lefatshe.” Ga ba a ka ba lemoga gore o bua nabo ka ga Rara. Jaanong Jesu a ba raya a re: “E tla re lo sena go tlhatlosa Morwa-Motho, gona lo tla itse gore ke nna ena, le gore ga ke dire sepe ka bogame, mme ke bua dilo tse, jaaka Rre a nthutile. Yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntlogela ke le nosi; gonne ke dira ka gale tse di mo kgatlhang.” Ya re a bua dilo tse, ba bantsi ba dumela mo go ene. Jaanong Jesu a raya Bajuta ba ba mo dumetseng a re: “Fa lo nna mo lefokong la me, lo bo lo le barutwa ba me ruri. Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” Ba mo fetola ba re: “Re bana ba ga Aborahame, ga re ise re ke re nne batlhanka ba ga ope. O bua jang, fa o re: ‘Lo tla gololesega’?” Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o dirang boleo ke motlhanka wa boleo. Mme motlhanka ga a nne mo ntlong ka gale, mme Morwa ene o nna ka gale. Fa jaanong Morwa a ka lo golola, lo tla bo lo gololesegile tota. Ke itse gore lo bana ba ga Aborahame, mme lo batla go mpolaya, ka lefoko la me le se na bonno mo go lona. Nna ke bua tse ke di bonyeng mo go Rre, le lona lo dira tse lo di utlwileng mo go rraeno.” Ba mo araba ba re: “Rraetsho ke Aborahame.” Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo le bana ba ga Aborahame, lo ka bo lo dira ditiro tsa ga Aborahame. Mme jaanong lo batla go mpolaya, nna motho yo ke lo boleletseng boammaaruri jo ke bo utlwileng mo Modimong; Aborahame ga a a ka a dira jalo. Lona lo dira ditiro tsa ga rraeno.” Ba mo raya ba re: “Ga re a tsalwa ka boaka, re na le rraetsho a le mongwe fela, e bong Modimo.” Jesu a ba raya a re: “Fa Modimo e ka bo e le rraeno, lo ka bo lo nthata; gonne ke tswa kwa Modimong, ka tla. Ga ke a tla ka bogame, mme ke ona o o nthomileng. Ke go reng, fa lo sa tlhaloganye puo ya me? Ke ka gonne lo palelwa ke go reetsa lefoko la me. Lona lo tswa mo go rraeno Diabolo, lo bile lo rata go dira dikeletso tsa ga rraeno. Ene e ne e le mmolai wa batho go tswa tshimologong, ga a a ka a tlhomama mo boammaaruring; ka gonne ga go na boammaaruri bope mo go ene. Fa a bua maaka, o bua se ene a leng sona; gonne ke ene moaki le rraa-maaka. Mme nna, e re ka ke bolela boammaaruri, ga lo ntumele. Ke ofe wa lona yo o ka supang boleo mo go nna? Mme fa ke bua boammaaruri, ke eng lo sa ntumele? Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko a Modimo; lona ga lo ba Modimo, ke ka moo lo sa a utlweng.” Bajuta ba mo araba ba re: “A ga re bue nnete, fa re re, o Mosamaria, o bile o na le modemone?” Jesu a fetola a re: “Nna ga ke na modemone, ke tlotla Rre, mme lona lo a ntlotlolola. Nna ga ke ipatlele tlotlo, mme mongwe o teng yo o e batlang, yo o atlholang. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa mongwe a ka dirisa lefoko la me, ga a ka ke a bona loso ka bosakhutleng.” Bajuta ba mo raya ba re: “Jaanong re itse gore o na le modemone. Aborahame o sule, le baporofeti, mme wena o a re: ‘Fa motho a ka tshegetsa lefoko la me, ga a ka ke a utlwa loso ka bosakhutleng.’ A wena o mogolo go Aborahame, rraetsho yo o suleng, le baporofeti ba sule? O itshema mang?” Jesu a araba a re: “Fa nna ke ikgalaletsa, kgalalelo ya me ga se sepe; Rre ke ene yo o nkgalaletsang, yo lo reng, ke Modimo wa lona. Fela, ga lo mo itse; mme nna ke a mo itse. Fa nka bo ke re: Ga ke mo itse, nka bo ke tshwana le lona, ke le moaki; mme ke a mo itse, ke bile ke dirisa lefoko la gagwe. Aborahame rraeno o ne a ipelela go tla bona letsatsi la me, a le bona, a ba a itumela.” Ke fa Bajuta ba mo raya ba re: “Ga o ise o nne le dinyaga di le 50, o bonye Aborahame jang?” Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Pele Aborahame a ise a tsalwe, nna ke ntse ke le teng.” Foo ba sela majwe go mo konopa ka ona; mme Jesu a iphitlha, a tswa mo Tempeleng, a ba raletse, a tsamaya. E rile Jesu a feta, a bona monna yo o tsetsweng e le sefofu. Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Moruti, go leofile mang, a ke ene gongwe batsadi ba gagwe, fa a tsetswe e le sefofu jaana?” Jesu a araba a re: “Ga a a leofa, le e seng batsadi ba gagwe. Go dirafetse jalo gore ditiro tsa Modimo di bonadiwe mo go ene. Re tshwanetse go dira ditiro tsa yo o nthomileng, go sa le motshegare. Bosigo bo e tla jo go seng ope yo o ka kgonang go dira ka jona. Fa ke sa le mo lefatsheng, ke lesedi la lefatshe.” Ya re a sena go bua jalo, a kgwela fa fatshe, a duba seretse ka mathe, a tshasa matlho a sona ka seretse seo, a se raya a re: “Yaa o tlhape mo bodibeng jwa Siloame!” (Mo phetolelong ke go re: Morongwa). A ya, a tlhapa, a boa a bona. Jaanong ba ba agileng nae le ba ba mmonyeng pele e le mokopi ba re: “Yo a ga se ene yo o neng a tlhola a nnetse go kopa?” Ba bangwe ba re: “Ke ene;” ba bangwe ba re: “Nnyaya, o tshwana le ene.” Mme ene a re: “Ke nna.” Jaanong ba mmotsa ba re: “Matlho a gago a foufolotswe jang?” A araba a re: “Motho yo o bidiwang Jesu o dubile seretse, a se ntshasa mo matlhong, a nthaya a re: ‘Yaa kwa bodibeng jwa Siloame, o tlhape.’ Jaanong ka ya, mme ya re ke tlhapa, ka foufologa.” Ba mo raya ba re: “O kae, yoo?” Ene a re: “Ga ke itse.” Ba mo isa kwa Bafarisaing, ene yo o neng a foufetse pele. Letsatsi le Jesu a dirileng seretse, a foufolola matlho a gagwe ka lone, e ne e le la Sabata. Jaanong Bafarisai le bone ba mmotsa jalo ka fa a bonyeng pono ya gagwe ka teng. A ba raya a re: “O mpeile seretse mo matlhong, ka tlhapa, mme jaanong ke a bona.” Ke fa bangwe ba Bafarisai ba re: “Monna yoo ga se wa Modimo; gonne ga a tshegetse Sabata.” Ba bangwe ba re: “Monna wa moleofi o ka kgona jang go dira ditshupo tse di ntseng jalo?” Ga nna kgaogano gare ga bone. Ba be ba raya monna wa sefofu ba re: “Wena o a reng ka ga gagwe, ka e le foo o foufolotse matlho a gago?” Ene a re: “Ké moporofeti.” Bajuta ba se ka ba dumela gore o ne a foufetse, mme o bonye pono ya gagwe, go fitlhelela ba bitse bagolo ba yo o foufologileng, ba ba botsa ba re: “A yo ke morwaa-lona yo go tweng o tsetswe a foufetse? Jaanong o bona jang kajeno?” Bagolo ba gagwe ba araba ba re: “Re itse fela gore yo ke morwaa-rona le gore o tsetswe a foufetse. Mme ga re itse ka fa jaanong a bonang ka teng; le ene yo o mo foufolotseng matlho ga re mo itse. Mo ipoletseng, o godile, o tla ikarabela.” Bagolo ba gagwe ba ne ba bua jalo, ka ba ne ba boifa Bajuta; gonne Bajuta ba ne ba setse ba dumalanye gore fa mongwe a ka mo ipolela gore ke Keresete, a kgaolwe mo senagogeng. Ke gona ka moo bagolo ba gagwe ba rileng: “O godile, mo ipoletseng.” Ba boa ba bitsa motho gape yo o neng a foufetse, ba mo raya ba re: “Tlotla Modimo fela. Rona re itse gore motho yoo ke moleofi.” Ene a fetola a re: “Fa e le moleofi, ga ke itse; ke itse se le sengwe fela gore ke ne ke le sefofu, mme jaanong ke a bona.” Ba boa ba mmotsa gape ba re: “O go dirileng? O go foufolotse matlho jang?” A ba araba a re: “Kana ke setse ke lo boleletse, mme ga lo a ka lwa utlwa. Lo batlelang go utlwa gape? A kampo le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?” Ke fa ba mo kgoba ba re: “Ke wena morutwa wa gagwe; rona re barutwa ba ga Moše. Re itse gore Modimo o buile le Moše; mme yoo, ga re itse gore o tswa kae.” Monna yoo a ba araba a re: “Ke se se gakgamatsang, fa lo sa itse gore o tswa kae, etswe a mphoufolotse matlho. Kana re itse gore Modimo ga o utlwe baleofi; mme fa mongwe a boifa Modimo, a dira ka fa thatong ya ona, Modimo o a mo utlwa. Go tswa tlholegong ga go ise go ke go utlwiwe ka gope gore mongwe o foufolotse matlho a yo o tsetsweng e le sefofu. Fa yoo e ka bo e se wa Modimo, o ka bo a sa kgone go dira sepe.” Ba mo araba ba re: “O tsaletswe mo dibeng gotlhe fela, mme a o a re ruta?” Ba be ba mo kgarameletsa kwa ntle. Jesu a utlwela gore ba mo kgaotse senagogeng. Ya re a mmona, a mo raya a re: “A o dumela mo go Morwa Modimo?” A araba a re: “Morena, ke mang, gore ke tle ke dumele mo go ene?” Jesu a mo raya a re: “O mmonye, e bile ke ene yo o buang nao.” Yoo a re: “Morena, ke a dumela.” A ba a mo obamela. Foo Jesu a re: “Ke tletse katlholo mo lefatsheng gore ba ba sa boneng ba bone, mme ba ba bonang ba foufale.” Bangwe ba Bafarisai ba ba nang nae, ya re ba utlwa dilo tseo, ba mo raya ba re: “A le rona re difofu?” Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo le difofu, lo ka bo lo se na boleo; jaanong ka lo re: ‘Lo a bona!’ boleo jwa lona ga bo tloge. “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o sa tseneng ka kgoro ya lesaka la dinku, mme a tlolela go sele, ke legodu le senokwane. Mme yo o tsenang ka kgoro ke modisa wa dinku. Modisa wa kgoro o a mmulela, dinku di utlwa lentswe la gagwe, o bitsa dinku tse e leng tsa gagwe ka maina, a di bolotse. Fa a sena go bolotsa dinku tsotlhe tse e leng tsa gagwe, a di etelele pele, dinku di mo sale morago; gonne di itse lentswe la gagwe. Moeng ga di ka ke tsa mo sala morago, mme di tla mo tshaba, ka di sa itse mantswe a baeng.” Jesu a bua nabo ka setshwantsho seo; mme bone ba se ka ba tlhaloganya gore ke eng se a se buang nabo. Foo Jesu a bua gape nabo a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ke nna kgoro ya dinku. Botlhe ba ba tlileng pele ga me ke magodu le dinokwane, mme dinku ga di a ka tsa ba utlwa. Ke nna kgoro. Fa mongwe a tsena ka nna, o tla pholosiwa; o tla tsena, a tswa, e bile o tla bona mafulo. Legodu le tla fela go utswa le go bolaya le go senya. Nna ke tsile gore di baane le bophelo, di be di nne le letlotlo. “Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku bophelo jwa gagwe. Yo e leng morapiwa, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, fa a bona phiri e tla, o tlogela dinku, a tshabe, phiri e di tshware, e di falatse. Yo o rapilweng o a tshaba, ka e le morapiwa, mme a sa kgathalele dinku. Ke nna modisa yo o molemo; ke itse tsa me, e bile ke itsiwe ke tsa me, jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; ke bile ke beela dinku bophelo jwa me. Ke na le dinku di sele, tse e seng tsa lesaka le; le tsona ke tshwanetse go di tsisa; di tla utlwa lentswe la me, mme e tla nna letsomane le le lengwe fela le modisa a le mongwe fela. “E re ka nna ke neela botshelo jwa me gore ke be ke bo tsee gape, ke ka moo Rara a nthatang. Ga go ope yo o ka bo nkamogang, ke nna ke bo neelang ka bogame. Ke na le thata go bo neela, ke bile ke na le thata go bo tsaya gape. Taolo e ke e amogetse mo go Rre.” Phapaano ya nna teng gape mo gare ga Bajuta ka ntlha ya mafoko ao. Ba bantsi ba bone ba re: “O na le modemone, o tlhakanye tlhogo; lo mo reeletsang?” Ba bangwe ba re: “Mafoko a ga se a motho yo o nang le modemone. A modemone o ka kgona go foufolola matlho a difofu?” Jaanong ga bo go le moletlo wa Ntšhwafatso ya Tempele mo Jerusalema, go le mariga. Jesu a tsamaya mo lapeng la Tempele, mo leobong la ga Salomo. Foo Bajuta ba mo dikanyetsa, ba mo raya ba re: “O tla belaetsa mewa ya rona goleele go le kae? Fa o le Keresete, re bolelele ka thanolo.” Jesu a ba fetola a re: “Ke lo boleletse, mme lona ga lo dumele. Ditiro tse ke di dirang mo leineng la ga Rre ke tsona tse di supang ka ga me. Mme lona ga lo dumele, ka gonne ga lo dinku tsa me, jaaka ke lo boleletse. Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago. Ke di naya bophelo jo bo sa khutleng. Ga di ka ke tsa latlhega, le fa e le ka motlha ope; le gona ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa me. Rre yo o di nneileng o mogolo go botlhe, mme ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa ga Rre. “Nna le Rara re bongwefela.” Jaanong Bajuta ba sela majwe gape gore ba mo kgobotletse. Jesu a ba fetola a re: “Ke lo bontshitse ditiro tse di molemo di le dintsi tse di tswang go Rara; lo nkgobotleletsa tiro efe ya tsona?” Bajuta ba mo araba ba re: “Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo; mme ke ka ntlha ya kgalo, ka e re ò le motho, ò itshema Modimo.” Jesu a ba araba a re: “A ga go a kwalwa mo molaong wa lona ga twe: ‘Ke rile, lo medimo’? Fa molao o biditse bone medimo ba Lefoko la Modimo le tlileng kwa go bone – mme Lokwalo lo sa ka ke lwa dirololwa – a lo bolela ka ga gagwe yo Rara a mo itshepisitseng, a mo romela mo lefatsheng, lo re: ‘O a kgala,’ ka ke buile ka re: ‘Ke Morwa Modimo’? Fa ke sa dire ditiro tsa ga Rre, lo se ka lwa ntumela. Mme fa ke di dira, dumelang ditiro, le fa nna lo sa ntumele, gore lo lemoge le go itse gore Rara o mo go nna, le nna ke mo go Rara.” Ba fela ba batla go mo tshwara, mme a falola mo diatleng tsa bone. A ba a boela kwa moseja ga Joretane, kwa Johane a neng a kolobetsa teng pele, a nna teng. Mme ba bantsi ba tla go ene ba re: “Johane ga a a ka a dira sesupo sepe, mme tsotlhe tse Johane o di buileng ka ga yo, e ne e le tsa nnete.” Teng ba bantsi ba dumela mo go ene. Go ne go le motho yo o lwalang, e bong Lasaro wa Bethania, motsana wa ga gabo Maria le Maretha mogolowe. Maria yo ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo, a mo phimola dinao ka moriri. Kgaitsadie Lasaro ke ene yo o neng a lwala. Jaanong bokgaitsadie ba roma go ene ba re: “Morena, bona, yo ò mo ratang o a lwala.” E rile Jesu a utlwa, a bua a re: “Bolwetse joo ga se jwa loso, ke jwa kgalaletso ya Modimo gore Morwa Modimo a galalediwe ka jona.” Jesu a bo a rata Maretha le monnawe le Lasaro. Jaanong ya re a sena go utlwa gore o a lwala, a nama a sa tlhotse malatsi a mabedi kwa a neng a le teng. Morago ga moo a raya barutwa a re: “A re yeng gape kwa Jutea.” Barutwa ba mo raya ba re: “Moruti, maloba Bajuta ba ne ba batla go go kgobotletsa, mme a ò boa o ya teng gape?” Jesu a araba a re: “A dinako ga di 12 mo letsatsing? Fa motho a tsamaya motshegare, ga a ka ke a kgotšwa; gonne o bona lesedi la lefatshe leno. Mme fa motho a tsamaya bosigo, o a kgotšwa, ka lesedi le se teng fa go ene.” A bua jalo, mme morago ga moo a ba raya a re: “Lasaro, tsala ya rona, o robetse; mme ke ya teng go mo tsosa mo borokong.” Foo barutwa ba mo raya ba re: “Morena, fa a robetse, o tla fola.” Mme Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe; bone ba gopola gore o bua ka ga thobalo ya boroko. Jaanong Jesu a ba bolelela ka thanolo a re: “Lasaro o sule. Mme ke itumela ka ntlha ya lona, fa ke ne ke se teng, gore lo tle lo dumele. Fela a re yeng go ene.” Thomase yo o bidiwang Lefatlha a raya barutwa-ka-ene a re: “Le rona a re tsamaeng, re ye go swa nae.” E rile Jesu a goroga, a fitlhela a setse a na le malatsi a le mane mo phupung. Bethania o ne a le gaufi le Jerusalema, e ka nna dimaele di le pedi. Bajuta ba bantsi ba ne ba tsile go Maretha le Maria go ba gomotsa ka ntlha ya loso lwa ga kgaitsadia-bone. Ya re Maretha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya a mo kgatlhantsha; Maria ene a sala a ntse mo ntlong. Ke fa Maretha a raya Jesu a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa. Le jaanong ke itse gore tsotlhe tse o tla di kopang Modimo, Modimo o tla di go naya.” Jesu a mo raya a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.” Maretha a mo raya a re: “Ke itse gore o tla tsoga ka letsatsi la bofelo motlhang botlhe ba tsogang.” Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le bophelo; yo o dumelang mo go nna o tla phela, le fa a ka swa. Mongwe le mongwe yo o phelang, a dumela mo go nna, ga a ka ke a swa ka motlha ope. A o dumela jalo?” Ene a mo raya a re: “Ee, Morena, ke dumetse gore o Keresete, Morwa Modimo, yo o tlang mo lefatsheng.” Ya re a sena go bua jalo, a ya a bitsa monnawe Maria ka sephiri a re: “Moruti o fale, o a go bitsa.” Yoo e rile a utlwa, a nanoga ka pele, a ya go ene. Jesu o ne a ise a fitlhe mo motsaneng, mme a sa le fa Maretha a mo kgatlhantshitseng teng. Bajuta ba ba neng ba na nae mo ntlong, ba mo gomotsa, ya re ba bona Maria a nanoga ka pele, a tswela kwa ntle, ba mo sala morago, ka ba gopola gore o ya kwa phupung gore a lelele teng. Ya re Maria a fitlha kwa Jesu a leng teng, mme a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa.” Jaanong ya re Jesu a mmona a lela, le Bajuta ba ba tsileng nae ba lela, a tlhabega mo moweng, a huduega a re: “Lo mo laditse kae?” Ba mo raya ba re: “Morena, tlaa o bone.” Jesu a tsholola dikeledi. Ke fa Bajuta ba re: “Bonang, o ne a mo rata jang ne!” Mme ba bangwe ba bone ba re: “A yo o foufolotseng matlho a sefofu o paletswe ke go dira gore ene yo a se ka a swa?” Jaanong Jesu a ba a tlhabega, a tla fa phupung; mme ya bo e le legaga, le thibilwe ka letlapa. Jesu a re: “Tlosang letlapa!” Mme Maretha, kgaitsadia yo o suleng, a mo raya a re: “Morena, o setse a na le monkgo; gonne e setse e le malatsi a mane a ntse a sule.” Jesu a mo raya a re: “A ga ke a ka ka go bolelela gore fa o ka dumela, o tla bona kgalalelo ya Modimo?” Jaanong ba tlosa letlapa fa moswi a letseng teng. Jesu a lelala godimo a re: “Rara, ke a go leboga, ka o nkutlwile; mme ke ntse ke itse gore o nkutlwa ka gale. Ke buile jalo ka ntlha ya batho ba ba ntikanyeditseng gore ba dumele fa o nthomile.” Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le legolo a re: “Lasaro, tswela kwano!” Ke fa yo o neng a sule a tswa, a fapakilwe diatla le dinao ka masela a phupu, le sefatlhego sa gagwe se fapilwe ka lesela. Jesu a ba raya a re: “Mmofololeng, lo nte a tsamae.” Jaanong Bajuta ba bantsi ba ba neng ba tlile go Maria, ya re ba bona se Jesu o se dirileng, ba dumela mo go ene. Mme bangwe ba bone ba ya kwa Bafarisaing, ba ba bolelela tse Jesu a di dirileng. Jaanong baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba tsenya lekgotla le legolo ba re: “Re ka dirang, ka monna yoo a dira ditshupo tse dintsi? Fa re ka mo leseletsa jalo, botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla, ba re amoga lefatshe le morafe.” Mongwe wa bone, e bong Kaifase yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a ba raya a re: “Lona ga lo itse sepe, le gona ga lo akanye, fa go le molemo mo go lona gore motho a le mongwe fela a swele morafe, mme go se ka ga latlhega morafe otlhe.” Fela a se ka a bua jalo ka bogagagwe, mme e rile ka e ne e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a bolelela pele gore Jesu o tla swela morafe; e seng morafe oo fela, mme le gona e le gore a phuthe bana ba Modimo ba ba faladitsweng, a ba kopanye. Go tloga ka letsatsi leo ba bo ba dumelanye gore ba mmolae. Ka lebaka leo Jesu a se ka a tlhola a tsamaya mo ponong ya Bajuta; a tloga teng a ya kwa nageng e e gaufi le sekaka, kwa motseng o o bidiwang Eferaime, a nna teng le barutwa ba gagwe. Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme ba bantsi ba tswa kwa nageng, ba ya kwa Jerusalema pele ga Tlolaganyo gore ba iphepafatse. Jaanong ba batla Jesu, ba botsanya ba eme mo Tempeleng ba re: “Lo gopolang? A ga a nke a tla moletlong?” Mme baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba bo ba laetse gore e re fa mongwe a itse kwa a leng teng, a bolele, gore ba ye go mo tshwara. E rile go sa le malatsi a marataro pele ga Tlolaganyo, Jesu a ya kwa Bethania, kwa Lasaro a neng a le teng, yo Jesu a mo tsositseng mo baswing. Teng ba mo direla moletlo wa dijo, mme Maretha a ba tsholela, Lasaro e le mongwe wa ba ba ntseng nae fa dijong. Jaanong Maria a tsaya setlolo sa lookwane lwa narete lo lo sa tswakwang, sa tlhwatlhwa e kgolo sa bokete jwa ponto, a tlotsa dinao tsa ga Jesu, a ba a di phimola ka moriri; mme ntlo ya tlala monko wa setlolo seo. Ke fa mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong Jutase Isekariote, morwa Simone, yo o tla mo tshwarisang, a re: “Naare setlolo se, se ne se sa rekisediweng ka diranta di le 100, tsa tla tsa newa bahumanegi?” A bua jalo, e se ka gonne a bapalela bahumanegi, mme e le ka e le legodu, a tshola sekgwama, mme a itseela tse di tsenngwang mo go sona. Ke fa Jesu a re: “Mo lese; o ne a se boloketse letsatsi la phitlho ya me. Kana bahumanegi bone lo na nabo ka gale, mme nna ga lo na le nna ka gale.” Ya baa gona Bajuta ba bantsi thata ba itseng gore o teng; mme ba tla, e seng ka ntlha ya ga Jesu fela, mme le gona e le gore ba bone Lasaro yo o mo tsositseng mo baswing. Foo baperesiti ba bagolo ba rera mmogo gore ba bolae le ene Lasaro; gonne Bajuta ba bantsi ba ne ba ba tlogela ka ntlha ya gagwe, ba dumela mo go Jesu. Kamoso ya re batho ba bantsi ba ba neng ba tsile moletlong ba utlwa gore Jesu o tla kwano Jerusalema, ba tsaya dikala tsa mekolane, ba tswela go mo kgatlhantsha, ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana! Go tshegofaditswe yo o tlang ka leina la Morena, yo e leng Kgosi ya Iseraele!” Ya re Jesu a bona eselana, a e palama, jaaka go kwadilwe ga twe: “Morwadia Sione, o se ka wa boifa; bona, Kgosi ya gago e e tla, e palame eselana ya esele.” Dilo tseo barutwa ba gagwe ga ba a ka ba di tlhaloganya pele, mme ya re Jesu a sena go galalediwa, ya baa gona ba gakologelwang gore dilo tseo di kwadilwe ka ga gagwe, le gore ba di mo diretse. Jaanong batho ba ba neng ba na nae, fa a bitsa Lasaro go tswa phupung, a mo tsosa baswing, ba ne ba ntse ba supa ka ga moo. Ke ka ntlha ya moo batho ba ileng go mo kgatlhantsha, ka ba ne ba utlwile gore ke ene yo o dirileng sesupo seo. Jaanong Bafarisai ba raana ba re: “Lemogang tlhe gore ga lo kgone sepe; kana lefatshe lotlhe le mo setse morago.” Ga bo go le Bagerika bangwe mo go bone ba ba neng ba tlile go obamela mo moletlong. Bao ba tla go Filipo wa Betsaita wa Galelea, ba mo kopa ba re: “Morena, re batla go bona Jesu.” Filipo a ya a bolelela Andrea, mme Andrea le Filipo ba ya ba bolelela Jesu. Jesu a ba araba a re: “Nako e tsile ya gore Morwa-Motho a galalediwe. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa tlhaka ya mabele e sa wele mo mmung ya swa, e tla nna e le yosi; mme fa e swa, e ungwa leungo le legolo. Yo o ratang bophelo jwa gagwe o bo isa tatlhegong, mme yo o tlhoileng bophelo jwa gagwe mo lefatsheng leno o tla bo bolokela bophelo jo bo se nang bokhutlo. Fa motho a ntirela, a a ntshale morago, mme kwa ke leng teng, modiredi wa me le ene o tla nna teng. Fa motho a ntirela, Rara o tla mo tlotla. “Jaanong mowa wa me o huduegile, mme ke tla reng? ‘Rara, nkgolole mo nakong e’? Mme kana ke tlile mo nakong e ka ntlha ya moo. ‘Rara, galaletsa leina la gago.’ ” Foo ga utlwala lentswe le tswa mo legodimong le re: “Ke le galaleditse, le gona ke tla boa ke le galaletsa.” Ya re batho ba ba emeng teng ba utlwa, ba re: “Ke tumo ya maru.” Ba bangwe ba re: “Moengele o buile nae.” Jesu a fetola a re: “Lentswe le ga le a tla ka ntlha ya me, mme le tlile ka ntlha ya lona. Ka nako e lefatshe leno le a atlholwa; molaodi wa lefatshe leno o tla lelekelwa kwa ntle ka nako e. Mme nna, e tla re fa ke sena go tlhatlosiwa mo lefatsheng, ke ikgogele batho botlhe.” A bua jalo go supa mokgwa wa loso lo o tla lo swang. Batho ba mo fetola ba re: “Re utlwile mo molaong gore Keresete o tla nna ka bosakhutleng; mme o raya jang fa o re: ‘Morwa-Motho o tshwanetse go tlhatlosiwa’? Morwa-Motho yoo ke mang?” Jesu a ba araba a re: “Lesedi le sa ntse le na le lona ka sebaka se sekhutshwane. Tsamayang, ka lo sa ntse lo na le lesedi, gore lefifi le se ka la lo tshwara; kana yo o tsamayang mo lefifing ga o itse kwa a yang teng. A e re ka lo sa ntse lo na le lesedi, dumelang mo leseding gore lo nne bana ba lesedi.” Jesu a bua dilo tseo, a ba a ya a ba iphitlhela. Le fa a ne a dira ditshupo tse dintsi fa pele ga bone, ga ba a ka ba dumela mo go ene, gore go dirafale lefoko la moporofeti Jesaya le a le buileng a re: “Morena, ke mang yo o dumetseng thero ya rona, letsogo la Morena le senoletswe mang?” Ka ntlha ya moo ba paletswe ke go dumela; gonne Jesaya o buile gape a re: “O foufaditse matlho a bone, a thatafatsa dipelo tsa bone gore ba se bone ka matlho le e seng go tlhaloganya ka pelo, ba tloga ba sokologa, mme ka ba fodisa.” Dilo tse Jesaya o ne a di bua, ka a bona kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga gagwe. Le fa go ntse jalo ba bantsi ba balaodi le bone ba dumela mo go ene; fela ba ne ba sa ipolele ka ntlha ya Bafarisai gore e se re gongwe ba kgaolwa mo senagogeng. Gonne ba ne ba rata go tlotlwa ke batho bogolo go go tlotlwa ke Modimo. Foo Jesu a bua ka lentswe le legolo a re: “Yo o dumelang mo go nna ga a dumele mo go nna, o dumela mo go yo o nthomileng. Yo o mponang o bona ene yo o nthomileng. Nna lesedi, ke tlile mo lefatsheng gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go nna a se ka a nna mo lefifing. Fa mongwe a utlwa mafoko a me, a sa a tshegetse, nna ga ke mo atlhole; gonne ga ke a tla go atlhola lefatshe, ke tsile go le pholosa. Yo o nnyatsang, a sa amogele mafoko a me, o na le se se tla mo atlholang: Lefoko le ke le buileng ke lone le le tla mo atlholang ka letsatsi la bofelo. Gonne nna ga ke a ka ka bua ka bogame, mme Rara yo o nthomileng ke ene yo o nneileng taolo ya gore ke bue eng, ke bolele eng. Ke itse gore taolo ya gagwe ke bophelo jo bo sa khutleng; jaanong tse ke di buang ke di bua fela, jaaka Rara a mpoleletse.” E rile Jesu a itse pele ga moletlo wa Tlolaganyo gore nako ya gagwe e tsile ya go tloga mo lefatsheng leno le go ya kwa go Rara, a rata ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka botlalo, ba a ne a ntse a ba rata. Ya re go nna selalelo, Diabolo a bo a setse a tsentse mo pelong ya ga Jutase Isekariote, morwa Simone, gore a mo tshwarise; Jesu ene o ne a itse gore Rara o mo neetse dilo tsotlhe diatleng le gore o dule Modimong, e bile o ya kwa Modimong: Ke fa a nanoga mo selalelong, a apola kobo, a tsaya sephimolo, a ikgatlha ka sona. Morago ga moo a tshela metsi mo mogopong, a simolola go tlhapisa barutwa dinao le go di phimola ka lesela le a ikgatlhileng ka lone. Jaanong ya re a tla kwa go Simone Petoro, ene a mo raya a re: “Morena, a ke wena o ka ntlhapisang dinao?” Jesu a mo araba a re: “Se ke se dirang wena ga o se tlhaloganye jaanong, mme o tla se lemoga morago.” Petoro a mo raya a re: “Ga o ka ke wa ntlhapisa dinao ka gope.” Jesu a mo fetola a re: “Fa ke sa go tlhapise, ga o na kabelo le nna.” Simone Petoro a mo raya a re: “Morena, a e se nne dinao tsa me fela, mme e nne le tsona diatla le tlhogo!” Jesu a mo raya a re: “Yo o tlhapisitsweng mmele otlhe, ga go batlege gore a tlhapisiwe fa e se dinao fela, gonne o itshekile gotlhe; lona lo itshekile, fela e seng lotlhe.” Ke go re, o ne a itse yo o tla mo tshwarisang; ke ka moo a rileng: “Ga lo a itsheka lotlhe.” Jaanong e rile a sena go ba tlhapisa dinao le go apara kobo le go rapama fa dijong gape, a ba raya a re: “A lo lemogile se ke se lo diretseng? Lo mpitsa Moruti le Morena, mme lo bua sentle; gonne ke se ke leng sona. Jaanong he, fa nna yo ke leng Morena le Moruti ke lo tlhapisitse dinao, le lona lo tshwanetse lwa ne lo tlhapisanya dinao. Kana ke ne ke lo beela sekao gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Motlhanka ga a mogolo go morena wa gagwe, le ene morongwi ga a mogolo go yo o mo romileng. Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira. “Ga ke bue ka ga lona lotlhe; ke itse ba ke ba itlhaoletseng. Mme Lokwalo lo tshwanetse go dirafala lo lo reng: ‘Yo o jang senkgwe sa me o ntsholeleditse serethe.’ Ke lo bolelela jaanong pele go ise go dirafale gore mogang go dirafalang lo dumele gore ke nna ena. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o tsholang yo ke mo romang o tshola nna, mme yo o ntsholang o tshola ene yo o nthomileng.” E rile Jesu a sena go bua dilo tse, a huduega mo moweng, a supa a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe wa lona o tla ntswa.” Barutwa ba kôbana, ba akabala gore o raya mang. Mongwe wa barutwa ba gagwe yo Jesu a mo ratang, o ne a rapame fa sehubeng sa ga Jesu. Jaanong Simone Petoro a mo getla gore a botse gore o raya mang. Yoo a ba a ikaega ka sehuba sa ga Jesu, a mmotsa a re: “Morena, ke mang?” Jesu a araba a re: “Ke ene yo ke tla inang thathana, ke e mo naya.” Jaanong ya re a sena go ina thathana, a e naya Jutase Isekariote, morwa Simone. Morago ga thathana gone Satane a tsena mo go ene. Jaanong Jesu a mo raya a re: “Se o se dirang o se dire ka pele.” Mme ga se ka ga nna ope wa bone ba ba rapameng fa dijong yo o neng a tlhaloganya gore o buelang nae jalo. Gonne e re ka Jutase a ne a tshola sekgwama, bangwe ba ne ba itlhoma gore Jesu o mo raya a re: “Reka tse re di batlelang moletlo;” gongwe a abele bahumanegi sengwe. Jaanong ya re a sena go tsaya thathana, a tswa ka pele; mme go ne go le bosigo. E rile a sena go tswa, Jesu a re: “Jaanong Morwa-Motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene. Fa Modimo o galaleditswe mo go ene, le ene Modimo o tla mo galaletsa mo go ona, o tla akofa o mo galaletsa. Banaka, ke sa na le lona sebakanyana. Lo tla mpatla, mme jaanong le lona ke lo raya jaaka ke reile Bajuta ka re: ‘Kwa ke yang teng, lona lo palelwa ke go fitlha teng.’ Ke lo naya taolo e ntšhwa ya gore lo ratane, ka e le fa ke lo ratile gore le lona lo ratane. Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga ka gona moo gore lo barutwa ba me.” Simone Petoro a mo raya a re: “Morena, o ya kae?” Jesu a mo araba a re: “Kwa ke yang teng, o palelwa ke go ntatela jaanong, mme o tla ntatela morago.” Petoro a mo raya a re: “Morena, ke ka ntlha ya eng, fa nka palelwa ke go go latela jaanong? Le bophelo jwa me nka bo go ntshetsa.” Jesu a araba a re: “A o ka nntshetsa bophelo jwa gago? Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Mokoko ga o nke o lela, o ise o intatole gararo. “A dipelo tsa lona di se huduege; dumelang mo Modimong, le nna, dumelang mo go nna! Mo ntlong ya ga Rre go na le maago a le mantsi. Go seng jalo, nka bo ke lo boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa manno. Mme e tla re ke sena go ya le go lo baakanyetsa manno, ke boe, ke lo itseele gore kwa ke leng teng, le lona lo nne teng. Mme kwa ke yang teng, lo a go itse, le tsela lo a e itse.” Thomase a mo raya a re: “Morena, ga re itse kwa o yang teng; mme tsela re ka e itse jang?” Jesu a mo araba a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le bophelo; ga go ope yo o ka fitlhang kwa go Rara fa e se ka nna. Fa lo ka bo lo nkitse, lo ka bo lo itse le ene Rre. Mme go tloga jaanong lo a mo itse, lo bile lo mmonye.” Filipo a mo raya a re: “Morena, re supetse Rara, foo go tla bo go re lekanye.” Jesu a mo raya a re: “Ga ke bolo go nna le lona, mme a ga o ise o nkitse, Filipo? Yo o mponyeng o bonye Rara. O bua jang fa o re: ‘Re supetse Rara’? A ga o dumele gore nna ke mo go Rara, le Rara o mo go nna? Mafoko a ke a buang le lona ga ke a bue ka bogame; mme Rara yo o nnang mo go nna ke ene yo o dirang ditiro tsa gagwe. Ntumeleng gore ke mo go Rara, le Rara o mo go nna; mme fa go sa nne jalo, ntumeleng ka ntlha ya tsona ditiro. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o dumelang mo go nna, le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang, e bile o tla dira tse dikgolo bogolo go tse; gonne ke ya kwa go Rara. Mme le fa e ka nna eng se lo ka se kopang mo leineng la me, ke tla se dira gore Rara a galalediwe mo go Morwa. Fa lo kopa sengwe mo leineng la me, ke tla se dira. “Fa lo nthata, lo tla dirisa ditaelo tsa me. Nna ke tla rapela Rara, mme o tla lo naya Mogomotsi yo mongwe gore a nne le lona ka bosakhutleng, e bong Mowa wa nnete, o lefatshe le palelwang ke go o amogela; gonne ga le o bone le e seng go o itse. Lona lo a o itse; gonne o na le lona, e bile o tla nna mo teng ga lona. “Ga nke ke lo tlogela lo le masiela. Ke tla tla go lona. Morago ga sebakanyana lefatshe ga le nke le tlhola le mpona; mme lona lo tla mpona; e re ka ke phela, le lona lo tla phela. Tsatsing leo lo tla lemoga gore ke mo go Rre, le lona lo mo go nna, le nna ke mo go lona. “Yo o tshotseng ditaolo tsa me, a di dirisa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang o tla ratwa ke Rre, le nna ke tla mo rata, ke be ke mo itshenolela.” Jutase, e seng Isekariote, a mo raya a re: “Morena, ke go reng, fa o tla itshenolela rona, e seng lefatshe?” Jesu a mo araba a re: “Fa mongwe a nthata, o tla tlhokomela lefoko la me, le Rre o tla mo rata; mme re tla tla go ene, re aga mo go ene. Yo o sa nthateng ga a tlhokomele mafoko a me; mme kana lefoko le lo le utlwang ga se la me; ke la ga Rara yo o nthomileng. “Dilo tse ke di buile le lona, ke sa ntse ke na le lona. Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, o Rara o tla o romelang mo leineng la me, o tla lo ruta dilo tsotlhe, o bo o lo gakolola tsotlhe tse ke di lo boleletseng. “Ke lo tlogelela kagiso, ke lo naya kagiso ya me. Ga ke lo nee jaaka lefatshe le naya. A dipelo tsa lona di se huduege, le gona di se boife. Lo utlwile jaaka ke lo reile ka re: ‘Ke a tsamaya, e bile ke boela go lona.’ Fa lo ka bo lo nthata, lo ka bo lo itumela, fa ke rile: Ke ya go Rara; gonne Rara o mogolo go nna. Ke lo boleletse jaanong, go ise go dirafale gore e re fa go dirafala, lo dumele. Ga nkitla ke tlhola ke bua tse dintsi le lona; gonne molaodi wa lefatshe leno o e tla, mme ga a na thata epe mo go nna; fela lefatshe le na le go itse gore ke rata Rara, ke bile ke dira ka fa a ntaetseng ka teng. “Ka moo a re nanogeng, re tlogeng fano. “Ke nna setlhare sa moweine sa nnete; Rre ke molemi wa moweine. Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng leungo, o a e tlosa; mme nngwe le nngwe e e ungwang leungo, o a e tlôkôtla gore e tle e ungwe segolo. Lona lo setse lo tlokotlilwe ka ntlha ya lefoko le ke le buileng le lona. Nnang mo go nna, le nna ke nne mo go lona; gonne ga lo ka ke lwa ungwa, fa lo sa nne mo go nna, jaaka kala e sa ka ke ya ungwa ka boyona, fa e sa nne mo moweineng. “Ke nna setlhare sa moweine, lona lo dikala. Yo o nnang mo go nna le nna ke le mo go ene, o ungwa maungo a mantsi; gonne kwa ntle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe. Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle, jaaka kala e latlhelwa kwa ntle, e omelele, mme di kokwanngwe, di latlhelwe mo molelong, di fisiwe. Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lo ka kopa se lo se ratang, se tla lo dirafalela. Se Rre a ka galalediwang ka sona ke fa lo ungwa maungo a mantsi, lo nna barutwa ba me. Ke lo ratile, fela jaaka Rara a nthatile; nnelang ruri mo loratong lwa me. Fa lo utlwa ditaolo tsa me, lo tla nna mo loratong lwa me, fela jaaka nna ke utlwile ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gagwe. “Dilo tse ke di buile le lona gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo tlale. Taolo ya me ke ya gore lo ratane, fela jaaka ke lo ratile. Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo lwa gore motho a ntshetse ditsala tsa gagwe bophelo jwa gagwe. Lona lo ka nna ditsala tsa me, fa lo dira tsotlhe tse ke di lo laelang. Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morena wa gagwe a se dirang. Lona ke lo biditse ditsala; gonne tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke di lo begetse. Ga se lona lo intlhaoletseng, ke nna ke itlhaoletseng lona, ke bile ke lo beile gore lo ye lo ungwe leungo, mme leungo la lona le nnele ruri, gore se lo ka se kopang Rara mo leineng la me, a se lo nee, le fa e ka nna eng. Ke lo laela dilo tse, e le gore lo ratane. “Fa lefatshe le lo tlhoa, itseng gore le ntlhoile pele ga lona. Fa lo ka bo lo le ba lefatshe, lefatshe le ka bo le rata se e leng sa lone; mme ka lo se ba lefatshe, mme nna ke lo itlhaoletse mo lefatsheng, ke ka moo lefatshe le lo tlhoileng. Gopolang lefoko le ke le lo reileng ka re: ‘Motlhanka ga a mogolo go morena wa gagwe.’ Fa ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; fa ba tlhokometse lefoko la me, le la lona ba tla le tlhokomela. Mme dilo tsotlhe tseo ba tla di lo dira ka ntlha ya leina la me, ka ba sa itse yo o nthomileng. Fa nka bo ke se ka ka tla ka bua nabo, ba ka bo ba se na sebe; mme jaanong ga ba na sepe se ba tla itatolang boleo jwa bone ka sona. Yo o ntlhoileng o tlhoile le ene Rre. Fa nka bo ke sa dira ditiro mo gare ga bone tse di sa dirwang ke ope o sele, ba ka bo ba se na sebe; mme le fa ba di bonye, ba tlhoile nna le Rre, e le gore lefoko le le kwadilweng mo molaong wa bone le dirafale le le reng: ‘Ba ntlhoile ka bomo.’ “E tla re Mogomotsi a sena go tla, yo ke tla mo lo romelang, a tswa mo go Rara, e bong Mowa wa boammaaruri o o tswang kwa go Rara, o supe ka ga me. Mme le lona lo tla supa; gonne lo ne lo ntse lo na le nna go tloga tshimologong. “Dilo tse ke di buile le lona gore lo se ka lwa kgopega. Ba tla lo kgaola mo disenagogeng; ee, nako e e tla e mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla itlhomang e le go direla Modimo. Ee, dilo tse ba tla di dira, ka gonne ga ba itse Rara le e seng nna. Dilo tse ke di lo boleletse gore motlhang nako e tlang, lo gakologelwe gore ke di lo boleletse. “Ga ke a ka ka di lo bolelela go tloga tshimologong, ka gonne ke ne ke ntse ke na le lona. “Jaanong ke ya go ene yo o nthomileng, mme ga go ope wa lona yo o mpotsang a re: ‘O ya kae?’ Mme bohutsana bo tletse mo dipelong tsa lona, ka ke lo boleletse dilo tseo. Mme ke lo bolelela boammaaruri, fa ke re: Go molemo go lona, fa ke tsamaya; gonne fa ke sa tsamae, Mogomotsi ga a ka ke a tla go lona. Mme fa ke tsamaya, ke tla mo romela go lona. Fa a sena go tla, o tla lemosa lefatshe boleo le tshiamo le katlholo; boleo, e le go sa dumeleng ga bone mo go nna; tshiamo, e le fa ke ya kwa go Rre, mme lo se ne lo tlhola lo mpona; katlholo, e le fa molaodi wa lefatshe leno a atlhotswe. “Ke sa na le dilo tse dintsi go di lo bolelela, mme lo palelwa ke go di itshokela jaanong. Fela e tla re Mowa wa boammaaruri o sena go tla, o lo gogele mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o nke o bua ka bogaona, mme o tla bua tsotlhe tse o di utlwang; o bile o tla lo itsise dilo tse di tlang. Ona o tla nkgalaletsa; gonne o tla tsaya mo go tse e leng tsa me, o di lo itsise. Tsotlhe tse Rara o nang natso ke tsa me, ke ka moo ke rileng: ‘O tla tsaya mo go tse e leng tsa me, o di lo itsise.’ “Morago ga sebakanyana ga lo nke lo tlhola lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona; gonne ke ya kwa go Rara.” Ke fa bangwe ba barutwa ba gagwe ba raana ba re: “Ke eng se o se re bolelelang, fa a re: ‘Morago ga sebakanyana ga lo nke lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona;’ le fa a re: ‘Ke ya kwa go Rara’?” Ba boa ba re: “Ke go reng, fa a re: ‘Morago ga sebakanyana’? Ga re itse se a se buang.” Jesu a lemoga gore ba rata go mmotsa; a ba raya a re: “A lo botsanya ka ga se ke se buileng, fa ke re: ‘Morago ga sebakanyana ga lo nke lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona’? Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Lo tla lela, lo tlhokofala, lefatshe lone le tla itumela. Lo tla hutsafala; mme khutsafalo ya lona e tla fetoga boitumelo. Mosadi, fa a belega, o na le bohutsana, ka nako ya gagwe e tlile. Mme e a re a sena go belega ngwana, a se ke a tlhole a gopola tlalelo ka ntlha ya boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng. Jalo le lona lo na le bohutsana jaanong, mme ke tla boa ke lo bona; dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga go ope yo o tla lo amogang boitumelo jwa lona. “Motsing oo ga lo nke lo mpotsa sepe. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo kopa Rara sengwe mo leineng la me, o tla se lo naya. Go fitlha nakong eno ga lo ise lo ke lo kope sepe mo leineng la me; kopang, mme lo tla amogela gore boitumelo jwa lona bo tlale. “Dilo tse ke di buile le lona ka diane; nako e e tla e ke se kitlang ke tlhola ke bua le lona ka yona ka diane, mme ke tla lo begela tsa ga Rara ka thanolo. Ka motlha oo lo tla kopa mo leineng la me, mme ga ke lo ree ke re, ke tla lo rapelela Rara; gonne Rara ka esi o a lo rata, ka lo nthatile, lo bile lo dumetse gore ke tswa mo Modimong. Ke dule kwa go Rara, ka tla mo lefatsheng; ke bile ke tlogela lefatshe, ke ya kwa go Rara.” Barutwa ba gagwe ba re: “Bona, jaanong ò bua ka thanolo, ga o bue seane sepe. Jaanong re itse gore o itse dilo tsotlhe, mme ga go batlege gore motho a go botse. Ke ka moo re dumelang gore o tswa mo Modimong.” Jesu a ba fetola a re: “A jaanong lo a dumela? Itseng, nako e e tla, e bile e setse e tsile, e lo tla faladiwang ka yona, mongwe le mongwe a ya ga gabo, lo ntlogela ke le nosi. Fela ga ke nosi; gonne Rara o na le nna. Dilo tse ke di buile le lona gore lo nne le kagiso mo go nna. Lo tla nna le pitlagano mo lefatsheng, mme namatshegang, ke fentse lefatshe.” Dilo tseo Jesu o ne a di bua. Jaanong a tsholeletsa matlho kwa legodimong a re: “Rara, nako e tsile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse, jaaka o mo neile thata mo nameng yotlhe gore mongwe le mongwe yo ò mo mo neileng a mo nee bophelo jo bo sa khutleng. Mme botshelo jo bo sa khutleng ke fa ba go itse o le Modimo wa boammaaruri o le wesi, le Jesu Keresete yo ò mo romileng. Ke go galaleditse mo lefatsheng ka go fetsa tiro e o e nneetseng go e dira. Jaanong, wena Rara, nkgalaletse mo go wena ka wesi ka kgalalelo e ke neng ke na le yona fa go wena, lefatshe le ise le nne teng. “Leina la gago ke le senoletse batho ba o ba nneileng, ba tswa mo lefatsheng; e ne e le ba gago, o ba nneile, e bile ba tlhokometse lefoko la gago. Jaanong ba itse gore tsotlhe tse o di nneileng di tswa go wena. Gonne ke ba neile mafoko a o a nneileng, mme ba a amogetse, ba bile ba itse ruri gore ke tswa go wena, ba dumetse gore o nthomile. “Ke a ba rapelela; ga ke rapelele lefatshe, mme ke rapelela ba o ba nneileng; gonne ke ba gago. Tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago, mme tse e leng tsa gago ke tsa me, mme ke galaleditswe ka bone. Nna ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng. Nna ke tla koo go wena. Rara yo o Boitshepo, ba femele, ba nne mo leineng la gago le o le nneileng, gore ba nne bongwefela jaaka rona. E rile ke sa ntse ke na nabo mo lefatsheng, ka ba femela ka leina la gago; ba o ba nneileng ka ba disa. Ga go ope wa bone yo o latlhegileng, fa e se morwa-tatlhego, gore Lokwalo lo dirafale. Jaanong ke tla koo go wena, mme ke bua dilo tse mo lefatsheng gore ba nne le boitumelo jwa me, bo tlale mo go bone. Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile; gonne ga se ba lefatshe, jaaka le nna ke se wa lefatshe. Ga ke kope gore o ba tlose mo lefatsheng, mme e le gore o ba femele mo go yo-o-bosula. Bone ga se ba lefatshe, jaaka nna ke se wa lefatshe. Ba itshepise ka boammaaruri; lefoko la gago ke lone boammaaruri. Ke ba romile mo lefatsheng, fela jaaka o nthomile mo lefatsheng. Ke iitshepisa ka ntlha ya bone gore le bone e nne ba ba itshepisitsweng ka boammaaruri. “Ga ke rapelele bone fela, mme ke rapelela le ba ba tla dumelang mo go nna ka lefoko la bone, gore ba nne bongwefela botlhe jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna ke le mo go wena; a le bone ba nne bongwefela mo go rona, mo lefatshe le ka dumelang, fa o nthomile. Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng gore ba nne bongwefela jaaka rona re le bongwefela; nna ke le mo go bone, le wena o le mo go nna, gore ba nne bongwefela ka botlalo, mo lefatshe le ka itseng, fa o nthomile; o bile o ba ratile jaaka o nthatile. “Rara, ke rata gore ba o ba nneileng le bone ba nne le nna kwa ke leng teng, gore ba bone kgalalelo ya me e o e nneileng, ka o nthatile lefatshe le ise le thaiwe. Rara wa tshiamo, lefatshe ga le a ka la go itse, mme nna ke go itsile; le bone ba, ba lemogile, fa o nthomile. Leina la gago ke le ba itsisitse, mme ke tla fela ke le ba itsise gore lorato lo o nthatileng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.” E rile Jesu a sena go bua dilo tseo, a tswa le barutwa ba gagwe, a tshela molatswana wa Kiterone; teng go ne go le tshimo, a tsena mo go yona le barutwa ba gagwe. Jutase yo o neng a mo tshwarisa le ene a itse felo foo; gonne Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba atisitse go phuthegela teng. Jaanong Jutase a tsaya lesomo la batlhabani le batlhanka ba baperesiti ba bagolo le ba Bafarisai, ba fitlha teng ka dirumola le dipone le dibolai. Ya re ka Jesu a itse tsotlhe tse di tla mo tlelang, a tswa, a ba raya a re: “Lo batla mang?” Ba mo araba ba re: “Re batla Jesu wa Nasaretha.” Jesu a ba raya a re: “Ke nna.” Le Jutase yo o mo tshwarisang a bo a eme nabo. E rile jaanong a ba raya a re: “Ke nna,” ba kata ka morago, ba wela fa fatshe. A ba botsa gape a re: “Lo batla mang?” Ba re: “Jesu wa Nasaretha.” Jesu a fetola a re: “Ke lo boleletse gore ke nna. Fa e fela lo batla nna, lesang ba, ba tsamae;” e le gore go dirafale lefoko le a le buileng a re: “Ga ke a latlhegelwa ke ope wa bone ba ò ba nneileng.” Jaanong Simone Petoro o ne a tshotse tšhaka, a e somola, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya le le jang; leina la motlhanka yoo e le Malego. Foo Jesu a raya Petoro a re: “Somela tšhaka mo kgatleng. A ga ke a tshwanela go nwa senwelo se Rara a se nneileng?” Ya baa gona lesomo la batlhabani le molaodi-wa-sekete le batlhanka ba Bajuta ba tshwarang Jesu, ba mo golega, ba mo isa go Hanase pele; gonne e ne e le mogwagwadia Kaifase yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo. Kaifase e ne e le ene yo o gakolotseng Bajuta a re: “Go molemo bogolo gore motho a le mongwe a swele morafe.” Simone Petoro le morutwa yo mongwe ba sala Jesu morago. Morutwa yoo o ne a itsiwe ke moperesiti yo mogolo, a tsena le Jesu mo lapeng la moperesiti yo mogolo. Petoro ene a eme fa kgorong kwa ntle. Jaanong morutwa yo mongwe yo o itsiweng ke moperesiti yo mogolo, a tswa, a bua le mosadi yo o disitseng kgoro, a tsenya Petoro mo teng. Foo lelata le e leng modisa wa kgoro la raya Petoro la re: “A ga ke re le wena o mongwe wa barutwa ba monna yole?” A re: “Ga ke ene.” Batlhanka le badiredi ba ne ba eme, ba ikomosa fa molelong wa magala o ba o gotsitseng; gonne go ne go le tsididi. Petoro a bo a eme fa go bone, a ikomosa. Jaanong moperesiti yo mogolo a botsa Jesu ka ga barutwa ba gagwe le ka ga thuto ya gagwe. Jesu a mo araba a re: “Ke buile le batho phatlalatsa, ka ruta ka gale mo senagogeng le mo Tempeleng, kwa Bajuta botlhe ba phuthegelang teng, ga ke a ka ka bua sepe mo sephiring. O mpoletsang? Botsa ba ba utlwileng se ke se buileng nabo; kana ba itse tse ke di buileng.” Ya re a bua jalo, motlhanka mongwe yo o emeng teng a faphola Jesu a re: “A o araba moperesiti yo mogolo jalo?” Jesu a mo fetola a re: “Fa ke buile ka tshokamo, supa ka ga tshokamo; mme fa ke buile ka tshiamo, o mpeletsang?” Jaanong Hanase a mo romela a go Kaifase, moperesiti yo mogolo. Simone Petoro o ne a ntse a eme a ikomosa. Ke fa ba mo raya ba re: “A le wena ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?” A latola a re: “Ga ke ene.” Motlhanka mongwe wa moperesiti yo mogolo, yo e neng e le wa losika la yo Petoro a mo kgaotseng tsebe, a re: “A ga ke a ka ka go bona kwa tshimong, o na nae?” Ke fa Petoro a latola gape, mme mokoko wa akofa wa lela. Jaanong ba ntsha Jesu mo ntlong ya ga Kaifase, ba mo isa kwa kagong ya molaodi, e sa le phakela. Fela bone ba se ka ba tsena mo kagong ya molaodi, gore e se re gongwe ba kgotlelega, mme ba itse go ja Tlolaganyo. Jaanong Pilato a tswela go bone a re: “Molato o lo o bonang mo mothong yo ke ofe?” Ba mo araba ba re: “Fa monna yo e ka bo e se mosenyi, re ka bo re sa mo go neela.” Pilato a ba raya a re: “Mo tseeng, lo mo atlhole ka fa molaong wa lona.” Bajuta ba mo raya ba re: “Ga re a letlelelwa go bolaya motho.” E ne e le gore lefoko la ga Jesu le dirafale, le a kaileng ka lone mokgwa wa loso lo a tla lo swang. Ke fa Pilato a tsena mo kagong ya molaodi, a bitsa Jesu, a mo raya a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?” Jesu a araba a re: “A o bua jalo ka bogagago, a kampo bangwe ba go boleletse ka ga me?” Pilato a araba a re: “A ke Mojuta? Morafe wa ga eno le baperesiti ba bagolo ba go nneetse; o dirileng?” Jesu a araba a re: “Puso ya me ga se ya lefatshe leno. Fa puso ya me e ka bo e le ya lefatshe leno, badiredi ba me ba ka bo ba tlhabana gore ke se neelwe Bajuta; mme jaanong puso ya me ga se ya mono.” Pilato a mo raya a re: “Mme a e fela o le kgosi?” Jesu a araba a re: “O bolela jalo, ke kgosi. Ke tsaletswe gona, ke bile ke tletse gona mo lefatsheng gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo e leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me.” Pilato a mo raya a re: “Boammaaruri ke eng?” E rile a sena go bua jalo, a ba a tswela kwa Bajuteng, a ba raya a re: “Nna ga ke bone molato ope mo go ene. Kana lo na le temalo ya gore ke lo gololele mongwe ka moletlo wa Tlolaganyo; jaanong a lo rata ka lo gololela kgosi ya Bajuta?” Ba goa botlhe gape ba re: “E seng yoo, mme a e nne Barabase!” Barabase ene e ne e le senokwane. Ya baa gona Pilato a tsayang Jesu, a mo seola. Batlhabani ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa mo tlhogong, ba mo apesa kobo e khibidu, ba mo atamela ba re: “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” Ba be ba mo faphola. Foo Pilato a tswela gape kwa ntle, a ba raya a re: “Bonang, ke mo ntshetsa go lona gore lo itse, fa ke sa bone molato ope mo go ene.” Ke fa Jesu a tswela kwa ntle, a rwele serwalo sa mitlwa, a apere kobo e khibidu. Pilato a ba raya a re: “A motho! Bonang, motho!” Ya re baperesiti ba bagolo le batlhanka ba mmona, ba goa ba re: “Mmapole, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “Mo tseeng ka losi, lo mmapole; gonne nna ga ke bone molato mo go ene.” Bajuta ba mo fetola ba re: “Re na le molao, mme ka fa molaong wa rona o tshwanetse go swa; gonne o itshemile Morwa Modimo.” Ya re Pilato a utlwa lefoko leo, a boifa go feta pele. A boa a tsena mo kagong ya molaodi, a botsa Jesu a re: “O tswa kae?” Mme Jesu a se ka a mo naya karabo. Pilato a mo raya a re: “A ga o bue le nna? A ga o itse gore ke na le thata ya go go golola le thata ya go go bapola?” Jesu a araba a re: “O ka bo o se na thata epe mo go nna, fa o ka bo o sa e newa e tswa kwa godimo; ka moo, yo o go nneetseng o na le boleo jo bogolo bogolo.” Foo Pilato a batla go mo golola; mme Bajuta ba goa ba re: “Fa o golola monna yo, o tla bo o se tsala ya ga Kaisara; mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o lwa le Kaisara.” Ya re Pilato a sena go utlwa lefoko leo, a ntshetsa Jesu kwa ntle, a nna mo sedulong sa katlholo mo felong fa go bidiwang Bodilo jwa matlapa, ka Sehebere go twe: “Gabatha”. E ne e le letsatsi la iketleetso ya Tlolaganyo, e ka nna nako ya motshegare. Pilato a raya Bajuta a re: “Bonang, Kgosi ya lona ke e!” Ke fa bone ba goa ba re: “Mo tlose, mo tlose, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “A ke bapole kgosi ya lona?” Baperesiti ba bagolo ba araba ba re: “Ga re na kgosi, fa e se Kaisara.” Ya baa gona a mo ba neelang gore a bapolwe. Ba tsaya Jesu, ba tsamaya ka ene. Ke fa a tswa a sikere sefapaano sa gagwe, a ya felong fa go bidiwang Felo-ga-logata, ka Sehebere go twe: “Golegotha”. Ba mmapolela teng mmogo le bangwe ba le babedi, mongwe ka fa, yo mongwe ka fa, Jesu a le fa gare. Pilato a kwala sekwalo, a se tlhomela mo sefapaanong; go ne go kwadilwe ga twe: “JESU WA NASARETHA, KGOSI YA BAJUTA.” Bajuta ba bantsi ba buisa sekwalo seo; gonne felo fa Jesu a neng a bapoletswe teng go ne go le gaufi le motse. Le gona se ne se kwadilwe ka Sehebere le Seroma le Segerika. Foo baperesiti ba bagolo ba Bajuta ba raya Pilato ba re: “Se re: ‘Kgosi ya Bajuta’ kwala gore ke ene a rileng: ‘Ke nna Kgosi ya Bajuta.’ ” Pilato a fetola a re: “Se ke se kwadileng ke se kwadile.” Jaanong ya re batlhabani ba sena go bapola Jesu, ba tsaya diaparo tsa gagwe, ba di kgaoganya dikarolo tse nne gore motlhabani mongwe le mongwe a bone kabelo e le nngwe, le yona kobo; kobo eo e ne e se na moroko, e logilwe gotlhe go simolola kwa godimo. Ke fa ba raana ba re: “A re se e gagoleng; a re e tlhameleng tengwa, re tle re itse gore e ka nna ya ga mang.” E ne e le gore Lokwalo lo dirafale lo lo reng: “Ba kgaoganye diaparo tsa me, mme kobo ya me ba e tlhametse tengwa.” Ke tsona tse batlhabani ba di dirileng. Gaufi le sefapaano sa ga Jesu ga bo go eme mmaagwe le monnaa mmaagwe le Maria, mosadi wa ga Keleopa, le Maria Magtalena. Ya re Jesu a bona mmaagwe le morutwa yo a mo ratang a eme gaufi, a raya mmaagwe a re: “Mosadi, bona morwao ke yoo!” A ba a raya morutwa a re: “Bona, mmaago ke yoo!” Go tloga ka nako eo morutwa yoo a mo tsholela kwa ga gagwe. Morago ga moo, ka Jesu a itse gore tsotlhe di setse di weditswe gore Lokwalo lo dirafadiwe gotlhe, a re: “Ke nyorilwe!” Mme jaanong ga bo go le nkgwana e e tletseng motatsa, ba ina ngami mo motatseng, ba e tlhomela thupeng ya mosiama, ba e tsholeletsa kwa molomong wa gagwe. Ya re Jesu a sena go amogela motatsa, a re: “Go weditswe!” A ba a oba tlhogo, a ntsha mowa. Jaanong e re ka e le letsatsi la iketleetso, Bajuta ba kopa Pilato gore memomo ya bone e rojwe, mme ba pagololwe gore direpa di se nne mo difapaanong ka Sabata; gonne letsatsi la Sabata yoo e ne e le le legolo. Jaanong ga tla batlhabani, ba roba memomo ya wa ntlha le ya yo mongwe yo o neng a bapotswe nae. Ya re ba tla fa go Jesu, mme ba fitlhela a setse a sule, ba se ka ba roba memomo ya gagwe. Mme mongwe wa batlhabani a tlhaba letlhakore la gagwe ka lerumo, ga akofa ga tswa madi le metsi. Ene yo o bonyeng o supile, mme tshupo ya gagwe ke boammaaruri, o bile o itse gore o bua tsa boammaaruri gore le lona lo dumele. Gonne dilo tseo di dirafetse gore Lokwalo lo dirafale lo lo reng: “Go se ka ga rojwa lesapo lepe la gagwe.” Gape Lokwalo lo longwe lo a re: “Ba tla leba ene yo ba mo tlhabileng.” Morago ga dilo tseo Josefa wa Arimathea yo e neng e le morutwa wa ga Jesu, mme a itobile ka ntlha ya go boifa Bajuta, a kopa Pilato go mo letlelela gore a tlose serepa sa ga Jesu. Pilato a mo dumelela. Jaanong a ya a tlosa serepa sa gagwe. Nikotemo le ene yo o kileng a tla go Jesu bosigo, a tla a tshotse motswako wa setlolo sa mera le mokgwapha, e ka nna wa bokete jwa diponto di le 100. Jaanong ba tsaya serepa sa ga Jesu, ba se thathelela le ditlolo tse di nkgang monate ka masela a letseta ka mokgwa o Bajuta ba fitlhang ka ona. Ga bo go le tshimo fa Jesu a bapoletsweng teng, mme lebitla le lešwa le le teng mo tshimong eo, le go iseng go ke go ladiwe ope mo go lone. Jaanong ba latsa Jesu teng ka ntlha ya letsatsi la iketleetso la Bajuta; gonne lebitla leo le ne le le gaufi. Ka letsatsi la ntlha la beke Maria Magtalena a ya kwa phupung phakela go sa le lefifi, a fitlhela letlapa le tlositswe mo phupung. Ke fa a siana, a tla kwa go Simone Petoro le go morutwa yo mongwe yo Jesu a neng a mo rata, a ba raya a re: “Ba tlositse Morena mo lebitleng, mme ga re itse gore ba mmeile kae.” Petoro le morutwa yo mongwe ba tloga, ba fitlha kwa lebitleng. Ba siana mmogo ka bobedi jwa bone; mme morutwa yo mongwe a sia Petoro, a fitlha pele kwa lebitleng. Ya re a inama, a fitlhela masela a letseta a beilwe fa fatshe, mme a se ka a tsena. Jaanong Simone Petoro a tla, a mo setse morago, a tsena mo lebitleng, a bona masela a beilwe fa fatshe. Lesela le le neng le le mo tlhogong ya gagwe le ne le sa bewa le masela a mangwe, mme le phuthilwe go sele fa thoko. Foo morutwa yo mongwe yo o fitlhileng pele fa lebitleng le ene a tsena, a bona, a ba a dumela; gonne ba ne ba ise ba itse Lokwalo lo lo reng: “O tshwanetse go tsoga mo baswing.” Jaanong barutwa ba boela kwa gae. Maria a bo a eme fa ntle ga lebitla a lela; ya re a ntse a lela, a inama, a okomela mo lebitleng, a bona baengele ba le babedi ba ba apereng bosweu, ba ntse mongwe fa tlhogong, yo mongwe fa dinaong, fa serepa sa ga Jesu se neng se letse teng. Bao ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelelang?” A ba fetola a re: “Ke ka gonne ba tlositse Morena wa me, mme ga ke itse gore ba mmeile kae.” Ya re a sena go bua jalo, a retologa, a bona Jesu a eme, mme a sa itse gore ke Jesu. Jesu a mo raya a re: “Mosadi, o lelelang? O batla mang?” Ene a gopola gore ke molemi wa tshimo, a mo raya a re: “Morena, a e re fa e le wena yo o mo tlositseng, o mpolelele gore o mmeile kae, mme ke tla ya go mo tlosa.” Jesu a mo raya a re: “Maria!” Maria a retologa, a mo raya ka Sehebere a re: “Rabuni!” (ke go re: “Moruti wa me.”) Jesu a mo raya a re: “Se nkame; gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rre; tsamaya, o ye kwa go bana ba ga Rre, o ba ree o re: ‘Ke tlhatlogela kwa go Rre yo e leng le Rraeno, kwa Modimong wa me o e leng le Modimo wa lona.’ ” Maria Magtalena a ya a bolelela barutwa a re: “Ke bonye Morena!” le tse a di mo laetseng. E rile ka maabanyane a lone letsatsi leo, e le la ntlha la beke, mejako ya kwa barutwa ba neng ba phuthegetse teng e tswetswe ka ntlha ya go boifa Bajuta, Jesu a tla a ema mo gare ga bone, a ba raya a re: “A kagiso e nne le lona!” Ya re a sena go bua jalo, a ba bontsha diatla le letlhakore. Ya baa gona barutwa ba itumelang, ka ba bona Morena. Jesu a ba raya gape a re: “A kagiso e nne le lona! Ke a lo roma, jaaka Rara a nthomile.” Ya re a sena go bua jalo, a ba budulela, a ba raya a re: “Amogelang Mowa o o Boitshepo! Ba lo ba itshwarelang dibe tsa bone ba di itshwaretswe; mme ba lo ba balelang dibe tsa bone ba di baletswe.” Thomase mongwe wa ba ba 12, yo o bidiwang Lefatlha, o ne a se na nabo, fa Jesu a tla. Jaanong barutwa ba bangwe ba mo raya ba re: “Re bonye Morena.” Ene a ba raya a re: “Fa ke sa bone dipadi tsa dimapo tsa tshipi mo diatleng tsa gagwe, le go tsenya monwana wa me mo dipading tsa dimapo, ka ba ka tsenya seatla sa me mo letlhakoreng la gagwe, ga nka ke ka dumela.” Ya re morago ga malatsi a a robedi barutwa ba gagwe ba bo ba le mo teng gape, le ene Thomase a na nabo. Jesu a tla gape, mejako e tswetswe, a ema mo gare a re: “A kagiso e nne le lona!” A ba a raya Thomase a re: “Ntshetsa monwana wa gago kwano, o lebe diatla tsa me; o ntshetse seatla sa gago kwano, o se tsenye mo letlhakoreng la me; o se nne yo o sa dumeleng, mme o nne yo o dumelang.” Thomase a mo araba a re: “Morena wa me le Modimo wa me!” Jesu a mo raya a re: “Thomase, o dumetse, ka o mponye. Go sego ba ba dumetseng, le fa ba sa bona.” Jesu o dirile ditshupo tse dintsi tse dingwe fa pele ga barutwa ba gagwe tse di sa kwalwang mo lokwalong lo. Mme tse, di kwadilwe gore lo dumele, fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo, mme ka go dumela lo bone bophelo ka leina la gagwe. Morago ga dilo tseo Jesu a iponatsa gape barutweng ba gagwe fa letsheng la Tiberia, a iponatsa jaana: Go ne go le Simone Petoro le Thomase yo o bidiwang Lefatlha le Nathanaele wa Kana wa Galelea le bomorwa Sebeteo le ba babedi ba bangwe ba barutwa ba gagwe, ba le mmogo. Simone Petoro a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.” Ba mo raya ba re: “Le rona re ya nao.” Ba tswa ba ya ba palama mokoro; mme ba se ka ba tshwara sepe mo bosigong joo. Ya re e setse e le mo mosong, Jesu a ema fa losing lwa letsha, fela barutwa ba se ka ba itse fa e le Jesu. Jesu a ba botsa a re: “Banaka, a ga lo na sešabo?” Ba mo araba ba re: “Nnyaya.” A ba raya a re: “Digelang letloa ntlheng ya le le lo tla tshwara.” Ya re ba dira jalo, ba se ka ba tlhola ba kgona go le goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi. Ke fa morutwa yo Jesu a mo ratang a raya Petoro a re: “Ke Morena.” Ya re Simone Petoro a utlwa gore ke Morena, a ikgatlha ka kobo e kgolo, ka a ne a sa apara, a ba a tlolela mo letsheng. Mme barutwa ba bangwe ba tla ka mokoro; gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka nna dikgato di le 100, ba goga letloa la ditlhapi. Ya re ba sena go fitlha kwa lefatsheng, ba bona molelo wa magala teng, le ditlhapi di besitswe mo go ona le senkgwe. Jesu a ba raya a re: “Tsisang ditlhapi tse dingwe tsa tse lo di tshwereng jaanong.” Simone Petoro a palama mokoro, a gogela letloa kwa lefatsheng, le tletse ditlhapi tse dikgolo di le 153; mme le fa di ne di le kalo, letloa la se ka la gagoga. Jesu a ba raya a re: “Tlaang lo fitlhole.” Mme go ne go se ope wa barutwa yo o betang pelo go mmotsa go re: “O mang?” ka ba itse gore ke Morena. Jaanong Jesu a tla a tsaya senkgwe, a se ba naya, le ditlhapi jalo. E ne e setse e le la boraro Jesu a iponatsa go barutwa, a sena go tsosiwa mo baswing. E rile ba sena go fitlhola, Jesu a botsa Simone Petoro a re: “Simone, morwa Jona, a o nthata bogolo go ba?” A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me!” A boa a mmotsa lwa bobedi a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?” A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Disa dinku tsa me!” A mmotsa lwa boraro a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?” Petoro a hutsafala, ka a mmotsa lwa boraro a re: “A o a nthata?” A ba a mo araba a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me! Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: E rile o sa le yo mošwa, wa itlama, wa itsamaela kwa o ratang teng; mme e tla re o sena go tsofala, o otlolole mabogo, mme yo mongwe a go tlame, a go gogele kwa o sa go rateng.” O ne a bua jalo go supa gore o tla galaletsa Modimo ka loso lo lo ntseng jang. Ya re a sena go bua jalo, a mo raya a re: “Ntshale morago!” Ya re Petoro a retologa, a bona morutwa yo Jesu a mo ratang, a ba setse morago, ene yo o neng a rapame fa sehubeng sa gagwe mo selalelong, a ba a re: “Morena, ke mang yo o go tshwarisang?” Ya re Petoro a mmona, a botsa Jesu a re: “Morena, go tla nna jang ka ga yo?” Jesu a mo araba a re: “Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng? Wena ntshale morago!” Ka moo ga tuma mo bakaulengweng polelo e e reng: Morutwa yoo ga a nke a swa. Fela Jesu ga a a ka a mo raya a re: “Ga a nke a swa,” mme o rile: “Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng?” Morutwa yoo ke ene yo o supang ka ga dilo tseo, o bile o di kwadile; mme re itse gore tshupo ya gagwe ke boammaaruri. Le gona go na le dilo tse dintsi di sele tse Jesu a di dirileng, tse e ka reng fa di ka bo di kwadilwe ka tatelano, ke gopola gore lefatshe le ne le sa ka ke la lekana go tshola dikwalo tse di ka bong di kwadilwe. Lokwalo lwa pele ke lo kwadile, wena Theofilo, ka ga tsotlhe tse Jesu o simolotseng go di dira le go di ruta, go fitlha mo letsatsing le a tlhatlositsweng ka lone, a sena go laola baapostolo ka Mowa o o Boitshepo ba a ba itlhaoletseng. Ke bone ba morago ga go boga ga gagwe a bileng a ba ipontsha e le yo o phelang ka ditshupo tse dintsi, a bonala mo go bone malatsi a le 40, a ntse a bolela tsa puso ya Modimo. E rile ba phuthegile nae, a ba laela gore ba se ka ba tloga mo Jerusalema, mme ba lebelele tsholofetso ya Rara, e o reng: “Lo e utlwile mo go nna. Gonne fa e le Johane, o ne a kolobetsa ka metsi, mme lona lo tla kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo go ise go fete malatsi a mantsi.” Jaanong ba ba neng ba phuthegile ba mmotsa ba re: “Morena, a o tla boa o tsosetsa Iseraele bogosi ka sebaka seno?” A ba araba a re: “Ga go a lo tshwanela go itse metlha gongwe dinako tse Rara o di beileng ka thata ya gagwe. Mme lo tla bona nonofo ya Mowa o o Boitshepo, motlhang o tlang mo go lona; lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema le mo Jutea yotlhe le mo Samaria le go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe.” Ya re a sena go bua dilo tse, a tlhatlosiwa, ba ntse ba lebile; mme leru la mo tlosa mo ponong ya bone. Ya re ba sa ntse ba leletse kwa legodimong a ntse a tlhatloga, ga ema banna ba le babedi fa go bone, ba apere diaparo tse ditshweu, ba re: “Lona banna ba Galelea, lo emetseng lo leletse kwa legodimong? Jesu yole yo o tsholeleditsweng kwa legodimong, a tswa mo go lona, o tla boa a tla fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.” Ya baa gona ba boelang kwa Jerusalema, ba tswa mo thabeng e e bidiwang ya Diolefa e e gaufi le Jerusalema, e bokgakala jwa yona e leng leeto la Sabata. Ya re ba sena go tsena, ba tlhatlogela kwa ntlwaneng e e kwa godimo, kwa ba ne ba nna teng, e bong Petoro le Johane le Jakobo le Andrea le Filipo le Thomase le Baretolomeo le Matheo le Jakobo wa ga Alefeo le Simone-Selote le Juta wa ga Jakobo. Botlhe bao ba nnela ruri mo thapelong ka bongwefela jwa pelo, ba na le basadi bangwe le Maria, mma Jesu, le bomonnaa Jesu. E rile mo malatsing ao Petoro a ema mo gare ga bakaulengwe ba ba ka nnang 120 ba ba neng ba le mmogo a re: “Banna ba ga etsho, Lokwalo lo ne lo tshwanetse go dirafala, lo Mowa o o Boitshepo o buileng pele ka lone ka molomo wa ga Dafita ka ga Jutase yo o neng a nna mogogi wa ba ba tshwereng Jesu; gonne o na a baletswe mo go rona, a ba a abelwa tirelo e ya boapostolo.” Fa e le ene, o rekile setsha ka tuelo ya tshiamololo, a wa ka tlhogo, a phanyega ka bogare, mateng a gagwe a ba a gorometsega otlhe; ga ba ga itsiwe ke botlhe ba ba agileng mo Jerusalema, mo setsha seo se bileng sa bidiwa Akeledama mo puong ya bone, ke go re: Setsha sa madi. “Gonne go kwadilwe mo lokwalong lwa Dipesalome ga twe: “ ‘A boago jwa gagwe bo fetoge lesope, a go se nne ope yo o agang mo go lone!’ “Gape ga twe: “ ‘A o sele a tsee tirelo ya gagwe!’ “Jaanong fa e le banna ba ba sa leng ba tsamaya le rona ka sebaka sotlhe se Morena Jesu o neng a tsena a tswa mo go rona ka sona, go simolola ka kolobetso ya ga Johane go fitlha mo letsatsing le o tlhatlositsweng mo go rona ka lone, mongwe wa bone o tshwanetse go nna mosupi le rona wa tsogo ya gagwe.” Jaanong ba emisa ba le babedi, e bong Josefa yo o bidiwang Baresaba, a okelediwa leina la Juseto, le Mathia. Ba be ba rapela ba re: “Morena, wena moitsi wa dipelo tsa botlhe, supa yo ò mo itlhaoletseng mo go ba babedi ba gore a tle a tsee boemo jwa tirelo e jwa boapostolo jo Jutase o oleng mo go jona, gore a ye felong ga gagwe.” Jaanong ba ba tlhamela ditengwa, mme tengwa ya supa Mathia; a tlhophiwa jalo go nna mongwe wa baapostolo ba ba 11. E rile letsatsi la Pentekoste le tla, ba bo ba le mmogo botlhe felong go le gongwe. Ga utlwala ka tshoganyetso mosumo o o tswang legodimong, e kete wa ledimo le le tsubutlang, wa tlala ka ntlo yotlhe e ba nnang mo go yona. Ga ba ga bonala mo go bone diteme tse di kgaoganang, e kete dikgabo tsa molelo, tsa nna mo go mongwe le mongwe wa bone. Mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka diteme di sele ka fa Mowa o ba buisang ka teng. Jaanong ga bo go agile Bajuta mo Jerusalema, e le banna ba ba boifang Modimo, ba tswa morafeng mongwe le mongwe o o fa tlase ga legodimo. Ya re mosumo oo o utlwala, batho ba bantsi ba phuthega, ba be ba feretlhega, ka mongwe le mongwe a utlwa ba bua ka puo ya ga gabo. Botlhe ba tseana, ba gakgamala, ba raana ba re: “Kana, ba ba buang ba, a ga se Bagalelea botlhe? Mme go ntse jang, fa mongwe le mongwe wa rona a utlwa ba bua mo puong ya gagwe e a tsaletsweng mo go yona? Re le Bapharatha le Bamedia le Baelame le ba ba agileng mo Mesopotamia le mo Jutea le mo Kapatokia le mo Ponto le mo Asia le mo Feregia le mo Pamefilia le mo Egepeto le kwa dintlheng tsa Lebia tikologong ya Kirene le baeng ba ba tswang kwa Roma, Bajuta le batlhabologi le Bakereta le Baarabia, re ba utlwa ba bua ditiro tse dikgolo tsa Modimo ka diteme tsa rona.” Ba tseana botlhe, ba akabala, ba raana ba re: “Kana dilo tse, di kaela kae?” Mme ba bangwe ba sotla ba re: “Ba kgotshe weine e e botshe.” Ke fa Petoro a ema le ba ba 11, a tsholetsa lentswe, a bua nabo a re: “Lona banna ba Jutea le lona lotlhe ba lo agileng mo Jerusalema, itseng selo se, lo tlhwaele mafoko a me tsebe: Gonne banna ba ga ba a tagwa jaaka lo itlhoma; kana e sa ntse e le nako ya robongwe mo mosong. Mme se ke se se builweng ke moporofeti Joele a re: ‘Modimo wa re: E tla re ka malatsi a bofelo ke tshele Mowa wa me mo bathong botlhe; bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba tla itsise thato ya Modimo, makau a lona a tla lora ditoro. Ee, le mo batlhankeng ba me le mo malateng a me ke tla tshela Mowa wa me mo malatsing ao, mme ba tla itsise thato ya Modimo pele. Ke tla dira dikgakgamatso kwa godimo mo legodimong le ditshupo kwa tlase mo lefatsheng, e bong madi le molelo le dipinagare tsa musi. Letsatsi le tla fetolwa lefifi, ngwedi o tla fetolwa madi, letsatsi le legolo la Morena le le galalelang le ise le tle. Mme mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la Morena o tla pholosiwa.’ “Lona banna ba Iseraele, utlwang mafoko a: Jesu wa Nasaretha, monna yo lo mo supeditsweng ke Modimo ka dinonofo le dikgakgamatso le ditshupo tse Modimo o di dirileng ka ene mo gare ga lona jaaka lo itse ka losi, ene yoo yo o neetsweng losong ka maikaelelo a a beilweng ke Modimo le ka kitsetsopele ya ona, lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa baikepi; ke ene yo Modimo o mo tsositseng, o sena go funolola maralalo a loso; gonne go ne go sa kgonege gore lo mo golegele ruri. Gonne Dafita o ne a bua ka ga gagwe a re: “ ‘Ke ne ke bona Morena fa pele ga me ka gale, ka a le ka fa letsogong la me le le jang, gore ke se theekele. Ka moo pelo ya me e ne ya itumela, loleme lwa me lwa ipela, le yona nama ya me e tla ikhutsa mo tsholofelong; gonne ga o kitla o tlogelela felo ga baswi mowa wa me, le gona ga o nke o leseletsa Moitshepi wa gago a senngwa ke go bola. O nkitsisitse ditsela tsa bophelo, o tla ntlatsa boitumelo ka sefatlhego sa gago.’ “Banna ba ga etsho, nka bua le lona ka maikutlo a a phuthologileng ka ga Dafita rraetsho-mogolo gore o sule, a ba a fitlhwa, mme phupu ya gagwe e sa le mo go rona le gompieno. Jaanong e re ka e ne e le ene moporofeti, mme a itse gore Modimo o kile wa mo ikanela gore o tla nnisa Keresete yo e leng wa leungo la letheka la gagwe ka fa nameng mo sedulong sa gagwe sa bogosi, a bua ka ga tsogo ya ga Keresete ka go e bona pele gore mowa wa gagwe ga o a tlogelwa mo felong ga baswi, le yona nama ya gagwe ga e a senngwa ke go bola. Jesu yoo Modimo o mo tsositse, mme rona rotlhe re basupi ba gona. Jaanong o godisitswe ka letsogo le le jang la Modimo, a amogela Mowa o o Boitshepo mo go Rara o a o solofeditseng, a tshêla se jaanong lo se bonang, lo se utlwang. Gonne Dafita ga a a ka a tlhatlogela kwa magodimong, mme o bua a re: “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Nna ka fa letsogong la me le le jang, go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’ “Jaanong a lelapa lengwe le lengwe la Iseraele le itse ruri gore ene Jesu yo lo mmapotseng, Modimo o mo dirile Morena le Keresete.” E rile ba utlwa, ba tlhabega mo pelong, ba be ba raya Petoro le baapostolo ba bangwe ba re: “Banna ba ga etsho, re ka dirang?” Petoro a ba raya a re: “Tlhabologang, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe ka leina la ga Jesu Keresete go bona boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mme lo tla amogela neo ya Mowa o o Boitshepo; gonne tsholofetso e raya lona le bana ba lona le botlhe ba ba kwa kgakala, e bong botlhe ba Morena, Modimo wa rona, o tla ba ipiletsang.” A supa, a ba a ba kaela ka mafoko a mantsi a mangwe a re: “Ineeleng go pholosiwa, lo tswe mo mofuteng ono o o kgopo!” Ke fa ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, mme ka letsatsi leo phuthego ya oketsega ka batho ba ba ka nnang 3 000. Ba nnela ruri mo thutong ya baapostolo le mo kopanong le mo nathoganyong ya senkgwe le mo merapelong. Poifo ya tshwara dipelo tsotlhe; dikgakgamatso le ditshupo di le dintsi di ne di dirwa ke baapostolo. Mme botlhe ba ba dumetseng ba utlwana, ba tlhakanela di-tsa-bone tsotlhe; ba rekisa dithuo le di-tsa-bone, ba abela botlhe ka fa mongwe le mongwe a tlhokang ka teng. Ba nnela ruri ka malatsi otlhe ka bongwefela jwa pelo mo Tempeleng, ba nathoganya senkgwe kwa le kwa mo matlong a bone, ba ja dijo ka boitumelo le bopelophepa, ba baka Modimo, ba bona botsalano mo bathong botlhe. Mme Morena a oketsa phuthego ka letsatsi le letsatsi ka ba ba pholosiwang. Petoro le Johane ba ne ba ya kwa Tempeleng ka nako ya thapelo, e bong ka nako ya boraro thapama. Ke fa monna mongwe yo o tsetsweng a golafetse maoto a rwalwa a tsisiwa; ba ne ba tle ba mmee ka malatsi otlhe fa mojakong o o bidiwang “O montle” wa Tempele gore a kope dikatso mo go ba ba tsenang mo Tempeleng. Ya re ene a bona Petoro le Johane ba re ba tsena mo Tempeleng, a kopa katso. Petoro a mo tlhoma matlho, a na le Johane, a re: “Re lebe!” Yoo a ba leba, a solofetse go amogela sengwe mo go bona. Mme Petoro a mo raya a re: “Selefera le gouta ga ke na natso; mme se ke nang naso ke a se go naya: Mo leineng la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, nanoga o tsamae!” A ba a mo tshwara letsogo le le jang, a mo emisa; mme dinao tsa gagwe le malengana tsa akofa tsa tia. A ragoga, a ema ka dinao, a tsamaya; a ba a tsena nabo mo Tempeleng, a tsamaya, a tlolaka, a baka Modimo. Mme batho botlhe ba mmona a tsamaya, a baka Modimo; ba bile ba bona gore ke ene yo o ne a tle a nnele dikatso fa mojakong o montle wa Tempele. Ba tlala kgakgamalo le tseano ka ga se se mo dirafaletseng. Ya re a ntse a ngaparetse Petoro le Johane, batho botlhe ba taboga, ba ba kgobokanela kwa leobong le le bidiwang la ga Salomo ba gakgametse thata. Ya re Petoro a bona jalo, a simolola go bua le batho a re: “Lona banna ba Iseraele, lo gakgamaleletseng motho yo? Lo tlhometseng matlho mo go rona, jaaka e kete re mo tsamaisitse ka thata gongwe poifo-Modimo ya rona? Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, Modimo wa borraetsho, o galaleditse Jesu, motlhanka wa ona, yo lona lo mo neetseng katlholong, lwa mo itatola fa pele ga sefatlhego sa ga Pilato, ene a ikaeletse go mo golola. Mme lona lwa itatola Moitshepi le Mosiami, lwa kopa gore lo gololelwe monna wa mmolai, lwa bolaya Moeteledipele go ya botshelong. Ke ene yo Modimo o mo tsositseng mo baswing, mo re leng basupi ba gona. Ke ka go dumela mo leineng la gagwe, fa leina la gagwe le tiisitse monna yo, yo lo mmonang, lo mo itseng. Mme tumelo e e tlang ka ene Jesu e mo neile boitekanelo jo bo tletseng jo fa pele ga lona lotlhe. “Mme jaanong, ba ga etsho, ke itse gore lo dirile jalo ka go tlhoka go itse, fela jaaka le bone balaodi ba lona. Mme tse Modimo o di boleletseng pele ka melomo ya baporofeti botlhe gore Keresete wa ona o tla bogisega, o di dirafaditse jalo. Jaanong he, fetogang pelo lo sokologe gore dibe tsa lona di phimolwe, gore go tle go tle metlha ya tapologo e e tswang sefatlhegong sa Morena, mme a rome yo o beilweng go nna Keresete wa lona, e bong Jesu, yo legodimo le tshwanetseng go mo tshola go fitlha metlheng ya go siamisa dilo tsotlhe, e Modimo o buileng ka ga yona ka melomo ya baporofeti ba ona ba ba boitshepo go tloga bogologolo. Moše o kile a raya borraetsho a re: ‘Morena, Modimo wa lona, o tla lo tsosetsa moporofeti yo o tshwanang le nna, a tswa mo losikeng lwa lona; ene yoo lo mo reetse mo go tsotlhe tse o tla di buang le lona. Mme go tla dirafala gore mongwe le mongwe yo o se kitlang a utlwa moporofeti yoo, a bolawe, a kumolwe mo morafeng.’ Le bone baporofeti botlhe ba ba buileng go simolola ka Samuele le ba ba tsileng morago, ba boletse ka ga ona malatsi ano. Ke lona bana ba baporofeti le ba kgolagano e Modimo o e dirileng le borraeno, fa o raya Aborahame o re: ‘Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago.’ Ke lona ba Modimo o lo tsoseditseng Motlhanka wa ona, wa mo romela go tshegofatsa lona pele ka go sokolola mongwe le mongwe wa lona mo bosuleng jwa gagwe.” Ya re ba ntse ba bua le batho, baperesiti le molaodi wa Tempele le Basadukai ba tla go bone, ba betilwe ke pelo, ka ba ruta batho, ba rera tsogo ya baswi ka Jesu. Ba ba tshwara, ba ba latsa mo kgolegong go fitlhelela ka moso; gonne go ne go setse go le maitsiboa. Mme ba bantsi ba bone ba ba utlwileng Lefoko ba dumela; palo ya banna e ne e ka re gongwe ya nna dikete tse tlhano. Ya re ka moso ba lekgotla le legolo ba bone le bagolo ba morafe le Baitsedikwalo ba phuthega mo Jerusalema, ba na le Hanase, moperesiti yo mogolo, le Kaifase le Johane le Aleksantere le botlhe ba losika lwa boperesiti jo bogolo. Ya re ba sena go ba emisa fa gare, ba ba botsa ba re: “Tiro e, lo e dirile ka thata efe, gongwe ka leina lefe?” Ke fa Petoro a ba araba, a tletse Mowa o o Boitshepo, a re: “Lona balaodi ba morafe le bagolo ba Iseraele, fa kajeno re lotolodiwa ka ga tiro e e molemo e e diretsweng motho wa molwetse, e o fodisitsweng ka yona, a go itsiwe ke lona lotlhe le morafe otlhe wa Iseraele gore ke ka leina la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, yo lo neng lwa mmapola, yo Modimo o mo tsositseng mo baswing; ke ka ene, fa motho yo a eme fa, fa pele ga lona, a fodile. Jesu ke ene lentswe le le nyaditsweng ke lona baagi, le le duleng letlapa la sekhutlo. Mme ga go na pholoso mo go ope o sele; le gona ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le le neilweng batho, le re tshwanetseng go pholosiwa ka lone.” Ya re ba bona bopelokgale jwa ga Petoro le Johane, mme ba lemoga gore ga ba a rutega, ke batho fela, ba gakgamala, ba bile ba itse sentle gore ba ne ba ntse ba na le Jesu. Mme ya re ka ba bona motho yo o fodisitsweng a eme nabo, ba tlhoka ka fa ba ka ganelang ka teng. Ya re ba sena go laola gore ba tswele kwa ntle ga lekgotla, ba gakololana ba re: “Batho ba, re ka ba reng? Gonne go itsegile mo go botlhe ba ba agileng mo Jerusalema gore sesupo se se bonatsegang se dirilwe ke bone, mme ga re ka ke ra se latola. Fela, a re ba kgalemeleng gore ba se tlhole ba bua le motho ope ka leina le, gore go se ka ga tlhola go anamela mo bathong.” Jaanong ba ba bitsa, ba ba laola gore ba se ka ba tlhola ba bua ka gope, le fa e le go ruta ka leina la ga Jesu. Mme Petoro le Johane ba ba fetola ba re: “A go atlhole lona gore a go siame fa pele ga Modimo go utlwa lona bogolo go Modimo; gonne rona ga re ka ke ra kgona go lesa go bua tse re di bonyeng le tse re di utlwileng.” Ya re ba sena go ba kgalemela thata, ba ba naya tsela, ka ba tlhoka ka fa ba ka ba betsang ka teng ka ntlha ya batho; gonne botlhe ba ne ba galaletsa Modimo ka ntlha ya se se dirilweng. Gonne motho yo sesupo se sa phodiso se dirilweng mo go ene, dinyaga tsa gagwe di ne di fetile 40. Ya re ba sena go gololwa, ba ya kwa go ba ga bone, ba bolela tsotlhe tse baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba di buileng nabo. Ya re bone ba sena go utlwa, ba tlhatlosetsa mantswe kwa Modimong ka bongwefela jwa pelo ba re: “Morena, wena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona; o kile wa bua ka Mowa o o Boitshepo ka molomo wa ga Dafita rraetsho, motlhanka wa gago, wa re: “ ‘Ditšhaba di ne di gakalelang, merafe e ne e akanyetsang dilo tsa boithamako? Dikgosi tsa lefatshe di ikemisitse, balaodi ba phuthegetse go lwantsha Morena le Motlodiwa wa gagwe.’ “Gonne ruri, mo motseng o, Herote le Pontio Pilato mmogo le baheitane le ditso tsa Iseraele, ba ikopantse go lwantsha Jesu, Motlhanka wa gago yo o boitshepo, yo ò mo tloditseng, mme tota e le go dira tsotlhe tse letsogo la gago le thato ya gago di laotseng pele gore di dirafale. Jaanong Morena, ela go bôpa ga bone tlhoko, o nee batlhanka ba gago go bua Lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe, ka go ntsha letsogo go fodisa, mme a ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka leina la ga Jesu, Motlhanka wa gago yo o boitshepo.” Ya re ba sena go rapela, felo fa ba phuthegetseng teng ga reketla, botlhe ba tlala Mowa o o boitshepo, ba be ba bua Lefoko la Modimo ka bopelokgale. Botlhe ba ba dumetseng ba bo ba le pelo nngwe fela le mowa mongwe fela; mme ga bo go se ope yo o reng, tse a nang natso ke tsa gagwe, tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse. Baapostolo ba supa ka ga tsogo ya Morena Jesu ka bonatla jo bogolo; bopelotlhomogi jo bogolo jwa Morena bo ne bo na le bone botlhe. Le gona ga bo go se ope mo go bone yo o tlhokang; gonne botlhe ba ba neng ba na le masimo gongwe matlo, ba a rekisa, ba tsisa madi a tse di rekisitsweng, ba a baya fa dinaong tsa baapostolo, mme ga abelwa mongwe le mongwe ka fa a tlhokang ka teng. Jose yo baapostolo ba neng ba mo okeletsa leina la Baranaba, fa go fetolwa, ke go re: Morwa-kgomotso, Molefi wa kwa Kipero ka fa losikeng, le ene o ne a na le tshimo, a e rekisa, a tsisa madi, a a baya fa dinaong tsa baapostolo. Monna mongwe yo leina la gagwe e leng Anania, a na le Safira, mosadi wa gagwe, a rekisa naga; mme a ngobetsa madi a mangwe, mosadi le ene a itse, a tsisa a mangwe, a a baya fa dinaong tsa baapostolo. Mme Petoro a re: “Anania, ke eng fa Satane a tladitse pelo ya gago go aketsa Mowa o o Boitshepo le go ngobetsa madi a mangwe a naga? E rile e sa ntse e le teng, a e ne e se ya gago? Mme ya re e sena go rekisiwa, a madi a ne a se mo thateng ya gago? O tsenyeditseng tiro e mo pelong ya gago? Ga o a aketsa batho, o akeditse Modimo.” Ya re Anania a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe, a swa. Foo poifo e kgolo ya tlela batho botlhe ba ba utlwang. Makau a nanoga, a mo phutha, a mo rwalela kwa ntle, a mo fitlha. Ya re morago ga sebaka sa dinako tse di ka nnang tharo, mosadi wa gagwe le ene a tsena, a sa itse se se dirafetseng. Petoro a mmotsa a re: “Mpolelele, a naga lo e rekisitse ka bokalo?” Ene a re: “Ee, ka bokalo.” Ke fa Petoro a mo raya a re: “Ke go reng, fa lo dumalanye go leka Mowa wa Morena? Bona, dinao tsa ba ba fitlhileng monna wa gago di fa mojako, le wena ba tla go rwalela kwa ntle.” Ka bonako a wela fa dinaong tsa gagwe, a swa; makau a tsena, a mo fitlhela a sule, a mo rwalela kwa ntle, a mo fitlha fa monneng wa gagwe. Foo poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe le botlhe ba ba utlwang dilo tse. Ditshupo le dikgakgamatso tse dintsi di ne di dirwa mo bathong ka diatla tsa baapostolo. Ba nna mmogo botlhe mo leobong la ga Salomo ka bongwefela jwa pelo. Mme mo go ba bangwe ga bo go se ope yo o betang pelo go ikopanya nabo; mme morafe o ne o ba tlotla thata. Mme ba ba dumelang mo Moreneng ba nna ba oketsega segolo, e le masomo a banna le basadi; mo ba bileng ba ntshetsa balwetse mo mebileng, ba ba baya mo diphateng le mo malaong gore e re Petoro a tla, le fa e ka bo e le moriti wa gagwe fela, o ritifalele mongwe wa bone. Le gona ga phuthega bontsi jo bo tswang mo metseng e e mo tikologong ya Jerusalema, ba tsisa balwetse le ba ba tshwenngwang ke mewa e e itshekologileng, mme ba fodisiwa botlhe. Ke fa moperesiti yo mogolo a ema le botlhe ba ba nang nae, ba e leng lekoko la Basadukai, ba be ba tlala lefufa, ba tshwara baapostolo, ba ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo ya motse. Mme moengele wa Morena a bula mejako ya ntlo ya kgolegelo bosigo, a ba ntshetsa kwa ntle a re: “Yaang lo eme, lo bolelele batho mo Tempeleng mafoko otlhe a bophelo jo jwa tumelo!” Ya re ba sena go utlwa, ba tsena mo Tempeleng ka masa, ba ruta. Jaanong moperesiti yo mogolo, ya re a sena go fitlha le ba ba nang nae, ba bitsa lekgotla le legolo, e bong bagolo botlhe ba Baiseraele, ba be ba roma kwa ntlong ya kgolegelo gore ba tsisiwe. Ya re batlhanka ba fitlha teng, ba fitlhela ba se yo mo ntlong ya kgolegelo, ba be ba boa, ba bolela ba re: “Re fitlhetse ntlo ya kgolegelo e tswetswe ka tlhomamo, le badisa ba eme fa mejako; mme e rile re sena go bula, ra se ka ra fitlhela ope mo teng.” Ya re molaodi wa Tempele le baperesiti ba bagolo ba utlwa mafoko a, ba botsanya ka kgakgamalo gore selo se, se tla felela kae. Mme ga fitlha mongwe, a ba bolelela a re: “Bonang, banna ba lo letseng lo ba tsentse mo ntlong ya kgolegelo ba eme mo Tempeleng, ba ruta batho.” Ya baa gona molaodi a tsamayang le batlhanka, ba ba tsisa, mme e seng ka thata; gonne ba ne ba boifa batho, e se re gongwe ba kgobotlediwa. Ya re ba sena go ba tlisa, ba ba emisa fa pele ga lekgotla le legolo. Jaanong moperesiti yo mogolo a ba arabisa a re: “A ga re a ka ra lo laya thata gore lo se tlhole lo ruta mo leineng le? Mme bonang, lo tladitse Jerusalema thuto ya lona, lo bile lo rata go baya madi a motho yoo mo go rona.” Petoro le baapostolo ba araba ba re: “Ke tshwanelo go utlwa Modimo bogolo go batho. Modimo wa borraetsho o tsositse Jesu yo lona lo mmolaileng ka go mo pega mo logonnye. Ene yoo, Modimo o mo godisitse ka letsogo la ona le le jang, go nna Moeteledipele le Mopholosi gore a nee Iseraele tlhabologo le boitshwarelo jwa dibe. Mme rona re basupi ba dilo tseo, le ona Mowa o o Boitshepo o Modimo o o neileng bone ba ba o utlwang.” Ya re bone ba utlwa, ba betwa ke dipelo, ba rata go ba bolaya. Jaanong ga ema mongwe mo lekgotleng le legolo, e le Mofarisai yo leina la gagwe e leng Gamaliele, moruta-molao yo o tlotliwang ke batho botlhe, a laela gore baapostolo ba name ba sa ntshediwe kwa ntle. A ba a ba raya a re: “Lona banna ba Iseraele, lo itise ntlheng ya batho bao gore lo tla dira eng. Gonne mo sebakeng sa pele go kile ga tsoga Theotase, a itira yo mogolo yo palo ya banna ba ba neng ba goga nae e neng e ka nna 400. Mme a bolawa, le botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba faladiwa, ba nyelela. Morago ga yoo ga tsoga Jutase wa Galelea ka malatsi a batho ba badilweng ka ona, a feretlha, a itatedisa lesomo la batho. Le ene a nyelela, le botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba faladiwa. Mme jaanong ke lo raya ke re: Tlogelang batho bao, lo ba lese; gonne fa kgakololo e gongwe tiro e, e tswa mo bathong, e tla senyega. Mme fa e tswa mo Modimong, lo tla palelwa ke go senya tiro ya bone, e se re gongwe lwa fitlhelwa lo lwantsha Modimo.” Foo ba mo utlwa. Ya re ba sena go bitsa baapostolo, ba ba betsa, ba ba iletsa gore ba se tlhole ba bua mo leineng la ga Jesu; ba be ba ba lesa ba tsamaya. Ke fa bone ba tswa fa pele ga lekgotla le legolo, ba itumela ka ba kailwe ba na le tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya leina la gagwe. Mme ba se ka ba khutla, ba ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo Tempeleng le mo matlong, ba rera Efangele ya ga Jesu, fa e le ene Keresete. E rile mo malatsing ao, fa barutwa ba ntsifala, ga tsoga ngongorego ya ba ba buang Segerika, ba ngongoregela ba ba buang Sehebere, ka batlholagadi ba bone ba sa tlhokomelwe mo tlamelong ya malatsi. Foo ba ba 12 ba bitsa barutwa botlhe ba re: “Ga go a tshwanela gore re ka tlogela Lefoko la Modimo, ra ya go aba dijo. Ka moo, bakaulengwe, itlhopheleng banna ba supa mo go lona, ba ba supelwang gore ba siame, ba ba tletseng Mowa le botlhale, ba re ka ba laodisang tiro e e batlegang eo. Mme rona re tla tshwarelela mo thapelong le mo tirelong ya Lefoko.” Lefoko le la kgatlha botlhe pitsong, mme ba tlhopha Setefane, monna yo o tletseng tumelo le Mowa o o Boitshepo, le Filipo le Porogoro le Nikanore le Timone le Paremena le Nikolao, motlhabologi wa kwa Antiogia; ba ba emisa fa pele ga baapostolo. Ya re ba sena go rapela, ba ba baya diatla. Lefoko la Modimo la tota, palo ya barutwa ya ntsifala thata mo Jerusalema, lesomo le legolo la baperesiti la ineela mo tumelong. Mme Setefane, e le yo o tletseng tumelo le thata, a dira dikgakgamatso le ditshupo tse dikgolo mo bathong. Jaanong ga tsoga bangwe ba e leng ba senagoge se se bidiwang sa Balibertine le Bakirene le Baaleksanteria, le ba ba tswang kwa Kilekia le Asia, ba ganetsanya le Setefane. Mme ba ne ba sa nonofa go emelana le botlhale le Mowa o a buang ka ona. Ke fa ba tlhotlheletsa banna ba ba reng: “Re mo utlwile a bua mafoko a kgalo ka ga Moše le Modimo.” Ba be ba hudua batho le bagolo ba morafe le Baitsedikwalo, ba mo wela, ba mo tshwara ka thata, ba mo isa lekgotleng le legolo. Ba emisa basupi ba maaka ba ba reng: “Motho yo ga a khutle go bua mafoko a go nyefola Felo-fa-go-Boitshepo ga mono le molao; gonne re mo utlwile a re: Jesu yoo wa Nasaretha o tla senya Felo fa, a ba a fetola mekgwa e Moše o e re neileng.” Ya re botlhe ba ba dutseng mo lekgotleng le legolo ba mo tsepile matlho, ba bona sefatlhego sa gagwe se tshwana le sa moengele. Ke fa moperesiti yo mogolo a mmotsa a re: “A dilo tse, di ntse jalo?” Ene a re: “Banna ba ga etsho le borra, reetsang! Modimo wa kgalalelo o ne wa bonala kwa go rraetsho Aborahame, a le kwa Mesopotamia, a ise a age kwa Harane, wa mo raya wa re: ‘Tswaa mo lefatsheng la ga eno le mo go ba ga eno, o ye kwa lefatsheng le ke tla le go supetsang.’ Ya baa gona a tswang mo lefatsheng la Bakalatea, a ya go aga kwa Harane. Go tloga teng, fa rraagwe a sena go swa, wa mo hudusetsa kwano lefatsheng leno le kajeno go agileng lona mo go lone. Wa se ka wa mo naya boswa bope mo go lone, le fa e le kgato e le nngwe fela; mme wa mo solofetsa gore o tla le mo naya go le rua, le losika lwa gagwe morago ga gagwe, le fa a ne a ise a nne le ngwana. Modimo wa mmolelela jaana gore losika lwa gagwe e tla nna bajaki mo lefatsheng la boeng, ba tla ba dira batlhanka, ba ba gatelela dinyaga di le 400. ‘Mme setšhaba se ba tla nnang batlhanka ba sona, nna ke tla se betsa,’ go bua Modimo; ‘morago ga moo ba tla tswa, ba ntirela mo felong fa.’ Wa mo naya kgolagano ya go rupa. Aborahame a tsala Isaka jalo, a ba a mo rupisa ka letsatsi la borobedi; Isaka a tsala Jakobe, Jakobe a tsala borraa-ditso tsa rona ba ba 12. “E rile ka borraa-ditso tsa rona ba fufegela Josefa, ba mo rekisa, a isiwa kwa Egepeto; mme Modimo wa bo o na nae, wa mo golola mo dipitlaganong tsotlhe tsa gagwe, wa mo naya botlhale fa pele ga Farao, kgosi ya Egepeto, le bopelontle jwa gagwe, a mo dira molaodi wa Egepeto le wa ntlo yotlhe ya gagwe. Foo ga tla tlala mo lefatsheng lotlhe la Egepeto le Kanana, le tlalelo e kgolo; mme borraetsho ba tlhoka dijo. Ya re Jakobe a sena go utlwa gore go na le mabele kwa Egepeto, a roma borraetsho teng la ntlha. Fa ba ya la bobedi, Josefa a ikitsise bomorwa-rraagwe, lotso lwa ga Josefa lwa ba lwa itsege mo go Farao. Josefa a roma, a bitsa Jakobe rraagwe le losika lotlhe lwa gagwe, e le batho ba ba 75. Jakobe a ya kwa Egepeto, a swa, ene le borraetsho. Ba rwalelwa kwa Sigeme, ba fitlhwa mo legageng le Aborahame o ne a le rekile ka madi mo go bomorwa Hemore, mo Sigeme. “E rile sebaka se atamela sa tsholofetso e Modimo o e solofeditseng Aborahame, batho ba ata ba ntsifala kwa Egepeto, go fitlhelela ga tsoga kgosi e sele mo Egepeto, e e neng e sa itse Josefa. Ene yoo a direla losika lwa rona ka bolotsana, a tlhorisa borraetsho mo go botlhoko, a laola gore go latlhwe masea a bone, a tle a se ka a phela. Ka sebaka seo Moše a tsalwa, a bo a le montle fa pele ga Modimo. A ba a otliwa mo ntlong ya ga rraagwe dikgwedi di le tharo. Ya re a sena go bewa kwa nokeng, morwadia Farao a mo tshola, a mo ikgodisetsa gore a nne morwawe. Moše a rutwa botlhale jotlhe jwa Baegepeto, a nonofa mo mafokong le mo ditirong tsa gagwe. “E rile a le dinyaga di le 40, ga mo tlela mo pelong go lekola ba ga gabo, e bong Baiseraele. Ya re a bona yo mongwe a siamololelwa, a mo femela, a busolosetsa yo o patikwang ka go bolaya Moegepeto. A ba a itlhoma gore ba ga gabo ba tla lemoga, fa Modimo o ba naya pholoso ka letsogo la gagwe; mme ba se ka ba lemoga. Ya re ka letsatsi le le latelang a bonala mo go bone ba lwa, a leka go ba tsereganya a re: ‘Banna, lo bana ba motho; lo siamololanelang?’ Foo yo o siamololelang mongwe-ka-ene a mo kgarametsa a re: ‘Ke mang yo o go dirileng molaodi le moatlhodi mo go rona? A kampo o rata go mpolaya jaaka o letse o bolaile Moegepeto?’ Ke fa Moše a tshaba ka ntlha ya lefoko leo, a ba a ya go nna lekgwelwa kwa lefatsheng la Midiane, kwa o tsaletseng bomorwawe ba babedi teng. “E rile dinyaga di le 40 di sena go feta, moengele a bonala mo go ene kwa sekakeng sa thaba ya Sinai, a le mo kgabong ya molelo wa setlhare se se mitlwa. Ya re Moše a bona, a gakgamalela pono; mme ya re a atamela go leba, ga tla lentswe la Morena la re: ‘Ke nna Modimo wa borraago, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe.’ Foo Moše a roroma, a tshaba go leba. Morena a mo raya a re: ‘Rola ditlhako mo dinaong tsa gago; gonne felo fa o emeng teng foo ke lefatshe le le itshepileng. Tota ke bonye pogisego ya morafe wa me o o kwa Egepeto, ke utlwile phegelo ya ona, ke bile ke fologetse go ba golola. Jaanong tlaya, ke tla go roma kwa Egepeto.’ “Moše yoo, yo ba neng ba mo itatola ba re: ‘Ke mang yo o go dirileng molaodi le moatlhodi?’ ke ene yo Modimo o neng wa mo roma go nna molaodi le mogolodi ka letsogo la moengele yo o bonetseng fa go ene kwa setlhareng se se mitlwa. Ke ene yo o ba ntshitseng, a dira dikgakgamatso le ditshupo kwa lefatsheng la Egepeto le kwa Lewatleng le Lehibidu le kwa sekakeng dinyaga di le 40. Moše ke ene yo o reileng Baiseraele a re: ‘Modimo o tla lo tsosetsa moporofeti mo go bomorwa-rraalona jaaka nna; ene lo mo utlweng.’ “Yo ke ene yo o neng a na le moengele kwa sekakeng, yo o neng a bua nae kwa thabeng ya Sinai a le mo phuthegong ya borraetsho, a amogela mafoko a a phelang go a re naya; yo borraetsho ba ganneng go mo utlwa, mme ba mo kgorometsa ba boela kwa Egepeto ka dipelo tsa bone, ba raya Arone ba re: ‘Re direle medimo e e tla re etelelang pele; gonne Moše yole, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse se se mo dirafaletseng.’ Malatsing ao ba dira namane, ba ntshetsa setshwantsho se se bopilweng setlhabelo, ba itumelela ditiro tsa diatla tsa bone. Mme Modimo wa hulara, wa ba neelela go direla lesomo la legodimo, jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa baporofeti ga twe: “ ‘Lona Baiseraele, a lo ne lo ntlisetsa diruiwa tse di tlhajwang le ditlhabelo dinyaga di le 40 kwa sekakeng? Lo ne lwa rwala motlaagana wa ga Mologe le naledi ya modimo o o bidiwang Refane, ditshwantsho tse lo di dirileng go di obamela. Ke tla lo hudusetsa ka kwa pele ga Babilone.’ “Borraetsho ba ne ba na le Tente ya Boipontsho kwa sekakeng, fela jaaka go laotse yo o buileng le Moše gore a e dire ka fa setshwantshong se o neng a se bona; ya re borraetsho ba sena go e amogela mo go borraabo, ba tsena nayo mo dinageng tsa baheitane ba Modimo o neng wa ba leleka fa pele ga borraetsho, ba na le Jošua, (ya nna teng) go tla go fitlha malatsing a ga Dafita, yo o bonyeng bopelotlhomogi fa pele ga Modimo, a ba a kopa gore a bonele Ntlo ya Modimo wa ga Jakobe bonno. Mme Salomo ke ene yo o neng a o agela Ntlo. “Mme Mogodimodimo ga a nne mo dikagong tse di agilweng ka diatla, jaaka go bua moporofeti a re: “ ‘Legodimo ke sedulo sa me sa bogosi, lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Lo ka nkagela ntlo e e ntseng jang, go bua Morena, gongwe felo ga boikhutso jwa me e ka nna gofe? A seatla sa me ga se sona se se dirileng tsotlhe tse?’ “Lona ba lo thamo di thata, ba lo sa rupisiwang mo dipelong le mo ditsebeng, ka metlha lo ganetsa Mowa o o Boitshepo; le lona lo tshwana fela le borraeno. Ke ofe wa baporofeti yo borraeno ba se kang ba mmogisa? Mme ba bolaile ba ba boleletseng pele ka ga go tla ga Mosiami; jaanong lo mo tshwarisitse, lwa mmolaya, lona ba lo amogetseng molao wa Modimo ka thuso ya baengele, mme lwa se ka lwa o tshegetsa.” E rile ba utlwa jalo, ba betwa ke pelo, ba mo phuranyetsa meno. Mme ene, ka a tletse Mowa o o Boitshepo, a fela a ntse a leletse kwa legodimong, a bona kgalalelo ya Modimo le Jesu a eme ka fa ntlheng ya le le jang ya Modimo. A ba a re: “Lebang, ke bona magodimo a bulegile, le Morwa-Motho a eme ka fa ntlheng ya le le jang ya Modimo.” Foo ba goa ka lentswe le legolo, ba ithiba ditsebe, ba mo ragogela ka bongwefela jwa pelo, ba mo kgoromeletsa kwa ntle ga motse, ba mo kgobotletsa ka majwe. Basupi ba baya dikobo tsa bone fa dinaong tsa lekau lengwe le le bidiwang Saule. Ba kgobotletsa Setefane ka majwe, a ntse a rapela a re: “Morena Jesu, amogela mowa wa me!” Jaanong a khubama, a kua ka lentswe le legolo a re: “Morena, o se ka wa ba balela sebe se!” Ya re a sena go bua jalo, a robala. Saule le ene a kgatlhwa ke polao ya gagwe. Ya re ka letsatsi leo pogiso e kgolo ya tsogela phuthego e e mo Jerusalema, mme botlhe ba falalediwa kwa dinageng tsa Jutea le Samaria, fa e se baapostolo. Mme banna bangwe ba ba boifang Modimo ba fitlha Setefane, ba mo lelela segolo. Mme Saule a nna a tlhorisa phuthego, a tlhomaganya matlo, a swatola banna le basadi, a ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo. Jaanong ba ba faladitsweng ba ya le naga, ba eta ba rera lefoko la Efangele. Filipo a ya kwa motseng mongwe wa Samaria, a ba rerela Keresete. Batho ba tlhokomela dilo tse di bolelwang ke Filipo ka bongwefela jwa pelo, ka ba utlwa le go bona ditshupo tse a di dirang; gonne ba bantsi ba ne ba na le mewa e e itshekologileng; yona e ne e tswa e goa ka lentswe le legolo. Mme ba bantsi ba ba suleng mefama le ba ba golafetseng maoto ba fodisiwa. Ga ba ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo. Monna mongwe yo leina la gagwe e leng Simone o ne a le mo motseng oo pele ga foo, a dira tsa bongaka, a tseanya setšhaba sa Samaria ka go bua a re: “Ke nna yo mogolo.” Botlhe ba ne ba mo setse morago, ba bannye le ba bagolo, ba re: “Ke ene nonofo ya Modimo e e bidiwang ‘E kgolo’.” Ba ne ba mo sala morago, ka a sa bolo go ba tseanya ka tsa bongaka sebaka se seleele. E rile ba dumela Filipo yo o neng a ba rerela Efangele ya puso ya Modimo le leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi. Le Simone ka esi a dumela, mme ya re a sena go kolobediwa, a nna a nna le Filipo ka gale; ya re a bona ditshupo le ditiro tsa nonofo tse dikgolo di dirwa, a tseana. E rile baapostolo ba ba kwa Jerusalema ba utlwa gore Basamaria ba amogetse Lefoko la Modimo, ba roma Petoro le Johane kwa go bone. Ya re ba sena go fitlha teng, ba ba rapelela gore ba amogele Mowa o o Boitshepo; gonne o ne o ise o wele mo go ope wa bone, ba ne ba kolobeditswe mo leineng la Morena Jesu fela. Ba ba baya diatla, mme ba amogela Mowa o o Boitshepo. Ya re Simone a bona gore Mowa o o Boitshepo o newa ka peo ya diatla tsa baapostolo, a ba tlisetsa madi a re: “Le nna, nnayang nonofo eo gore e tle e re mongwe le mongwe yo ke mmayang diatla, a amogele Mowa o o Boitshepo.” Mme Petoro a mo fetola a re: “A madi a gago a nyelele nao, ka gonne o gopotse gore neo ya Modimo e ka bonwa ka madi. Ga o na kabelo, le e seng tshiamelo mo neong eo; gonne pelo ya gago e kgopo fa pele ga Modimo. Ka moo he, ikwatlhaele bosula jo jwa gago, o be o rapele Morena, e tle e re gongwe maikaelelo ao a pelo ya gago o a itshwarelwe; gonne ke go bona o tletse santlhokwe wa bogalaka, e bile o bofilwe ka tshiamololo.” Simone a araba a re: “Nthapeleleng Morena e le lona gore ke se ka ka welwa ke sepe sa dilo tse lo di buileng.” Ya re jaanong ba sena go supa le go bolela Lefoko la Morena, ba boela kwa Jerusalema, ba eta ba rera Efangele mo metsaneng e mentsi ya Basamaria. Jaanong moengele wa Morena a bua le Filipo a re: “Nanoga o ye kwa ntlheng ya borwa kwa tseleng e e tswang Jerusalema, e ya kwa Gasa;” ke tsela e e senya. A nanoga a tsamaya, a ba a fitlhela monna mongwe wa Moethiopia teng, e le modiredi le tona ya ga Kantase, kgosi ya sesadi ya Baethiopia, yo o neng a okametse khumo yotlhe ya gagwe. O ne a tsile kwa Jerusalema go obamela teng. Jaanong a boela gae ka koloi ya gagwe, a buisa lokwalo lwa moporofeti Jesaya. Mowa wa raya Filipo wa re: “Yaa o kopane le koloi ele!” Filipo a tabogela teng, a mo utlwa a buisa moporofeti Jesaya, a ba a re: “A o tlhaloganya se o se buisang?” Ene a re: “Nka tlhaloganya jang, fa ke sa tlhalosediwe ke ope?” A ba a rapela Filipo gore a pagame, a nne nae. Kgaolo e a neng a e buisa e ne e le e e reng: “O ne a gogelwa tlhabong jaaka nku; a se ka a bula molomo wa gagwe jaaka kwana e didimetse fa pele ga mmeodi wa yona. Ya re ka a le mo boikokobetsong, a timiwa katlholo e e siameng; losika lwa gagwe lo tla bolelwa ke mang? Gonne bophelo jwa gagwe bo tlosiwa mo lefatsheng.” Jaanong modiredi a botsa Filipo a re: “Ke a go rapela, moporofeti o bua jalo ka ga mang, a ke ka ga gagwe gongwe ka ga mongwe o sele?” Ke fa Filipo a tswa molomo, a simolola ka lokwalo loo, a mo rerela Efangele ya ga Jesu. Ya re ba ntse ba tswelela pele mo tseleng, ba fitlha fa metsing mangwe, mme modiredi a re: “Bona, metsi ke ale; ke kgorelediwa ke eng go ka kolobediwa?” Filipo a araba a re: “Fa o dumela ka pelo yotlhe, go ka nna jalo.” Ene a araba a re: “Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.” Jaanong a laola gore koloi e eme, ba fologela kwa metsing ka bobedi jwa bone, Filipo le modiredi, mme a mo kolobetsa. Ya re ba tswa mo metsing, Mowa wa Morena wa tlosa Filipo, mme modiredi a se ka a tlhola a mmona; fela a tswelela mo tseleng ya gagwe ka boitumelo. Filipo a fitlhelwa kwa Ašetote, a eta a ntse a rera Efangele mo metseng yotlhe, ga tsamaya a fitlha kwa Kaisarea. Mme Saule yo o neng a sa ntse a gakaletse barutwa ba Morena ka go bôpa le go ba bolaya, a ya kwa moperesiting yo mogolo, a mo kopa dikwalo tse di kwalelwang disenagoge tsa Damaseko gore fa a ka fitlhela bangwe ba e leng ba Tsela e ya bokeresete, banna le fa e le basadi, a ba golege, a ba tlise kwa Jerusalema. Ya re a tsamaya, mme a atamela Damaseko, a tshogana ka lesedi le le tswang legodimong le mo phatsimela. Mme a wela fa fatshe, a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saule, Saule, o mpogisetsang?” Ene a re: “O mang, Morena?” Morena a re: “Ke nna Jesu yo ò mmogisang. Go thata mo go wena go raga ditlhabi tsa lešwane.” Foo a roroma, a gakgamala a re: “Morena, o rata gore ke dire eng?” Morena a mo raya a re: “Nanoga o tsene mo motseng; o tla bolelelwa se o tshwanetseng go se dira.” Banna ba ba neng ba mo patile ba eme, ba tlhoka puo, ba utlwa lentswe, mme ba sa bone ope. Jaanong Saule a tsoga fa fatshe, mme le fa a budulogile matlho, a bo a sa bone. Ba mo tshwara ka letsogo, ba mo isa kwa Damaseko. A tlhola malatsi a le mararo a sa bone, a sa je, a sa nwe. Jaanong ga bo go le morutwa mongwe mo Damaseko, yo leina la gagwe e leng Anania. Morena a bua nae ka pono a re: “Anania!” Ene a re: “Ke fano, Morena.” Morena a mo raya a re: “Nanoga o ye kwa mmileng o o bidiwang Tolamo, o batle mongwe yo leina la gagwe e leng Saule wa kwa Tareso, mo ntlong ya ga Jutase. Gonne bona, o a rapela, mme a bona monna ka pontsho yo leina la gagwe e leng Anania, a tsena a mmaya diatla gore a boe a bone.” Anania a fetola a re: “Morena, ke utlwile ka ba bantsi ka ga monna yoo gore o diretse baitshepi ba gago kwa Jerusalema tse di bosula tse di kana kang! Le mono o na le thata e e tswang mo baperesiting ba bagolo ya go golega botlhe ba ba bitsang leina la gago.” Morena a mo raya a re: “Yaa teng; gonne ene yoo ke sediri sa me se se tlhaotsweng go rwalela leina la me fa pele ga baheitane le dikgosi le Baiseraele. Kana ke tla mo supetsa gore tse a tshwanetseng go di boga ka ntlha ya leina la me di kana kang.” Anania a tloga, a tsena mo ntlong, a mmaya diatla a re: “Saule, mokaulengwe, Morena, e bong Jesu yo o bonetseng go wena mo tseleng e ò tsileng ka yona, o nthomile gore o boe o bone, le gore o tladiwe Mowa o o Boitshepo.” Ka bonako ga wa dilo mo matlhong a gagwe, e kete matlape, mme a foufologa, a ba a nanoga a kolobediwa, a ja, a ba a boelwa gape ke thata. Mme a tlhola malatsi mangwe le barutwa ba ba mo Damaseko. A akofa a simolola go rera mo disenagogeng gore Jesu ke ene Morwa Modimo. Mme botlhe ba ba utlwang ba rerega ba re: “Yo a ga se ene yo o neng a dira setlhogo kwa Jerusalema mo go ba ba bitsang Leina leo, mme le mono o ne a tletse sona seo gore a ba golege, a ba ise fa pele ga baperesiti ba bagolo?” Saule a nonofela pele, a silofatsa Bajuta ba ba agileng mo Damaseko ka go tlhomamisa gore Jesu ke ene Keresete. Ya re malatsi a se kae a sena go feta, Bajuta ba gakololana go mmolaya. Mme Saule a itse maikaelelo a bone. Ba ne ba disa dikgoro bosigo le motshegare gore ba mmolae. Mme barutwa ba mo tsaya bosigo, ba mo folosa ka fa loboteng, ba mo lepeletsa ka seroto. E rile a fitlha kwa Jerusalema, a leka go ikopanya le barutwa; mme bone ba mmoifa botlhe, ba sa dumele gore ke morutwa. Mme Baranaba a mo tshola, a ba a mo isa kwa baapostolong, a ba bolelela ka fa Saule a bonyeng Morena mo tseleng ka teng, le jaaka Morena a buile nae, le ka fa a rerileng ka teng mo leineng la ga Jesu kwa Damaseko ka bopelokgale. Jaanong a nna nabo, a ntse a tsena a tswa mo Jerusalema, a rera mo leineng la Morena ka bopelokgale; a bua le Bajuta ba ba buang Segerika, a ba a ganetsanya nabo. Mme bone ba batla go mmolaya. Ya re bakaulengwe ba lemoga, ba mo isa kwa Kaisarea, ba be ba mo romela kwa Tareso. Jaanong phuthego ya nna mo kagisong nageng yotlhe mo Jutea le mo Galelea le mo Samaria, ya agega, ya tswelela pele mo go boifeng Morena, ya oketsega ka thuso ya Mowa o o Boitshepo. Jaanong ya re Petoro a ba etela botlhe, a fitlha le kwa baitsheping ba ba agileng kwa Lita. A fitlhela monna mongwe teng yo leina la gagwe e leng Enea, yo o neng a ntse a letse mo bolaong e setse e le dinyaga di le robedi, a sule mhama. Petoro a mo raya a re: “Enea, Jesu Keresete o a go fodisa; tsoga o ikalolele!” A akofa a tsoga. Botlhe ba ba agileng mo Lita le mo Sarone ba mmona, ba be ba sokologela Moreneng. Jaanong go ne go le morutwa mongwe wa mosadi kwa Jope, yo leina la gagwe e leng Tabitha, fa go fetolwa ke go re Dorokase. Ene o ne a tletse ditiro tsa lorato, a atswa ba bantsi. Ka malatsi ao a lwala, a ba a swa. Ya re ba sena go mo tlhapisa, ba mmaya mo ntlwaneng e e kwa godimo. Ya re ka Lita a le gaufi le Jope, mme barutwa ba utlwa gore Petoro o teng, ba roma banna ba le babedi go ene, ba mo rapela ba re: “O se ka wa diega go tla go rona.” Petoro a nanoga, a ya nabo. Ya re a sena go fitlha teng, ba mo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo. Mme batlholagadi botlhe ba tla ba ema fa go ene ba lela, ba mo supetsa mesese le diaparo tse Dorokase a di dirileng a sa ntse a na nabo. Ke fa Petoro a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a khubama a rapela, a ba a retologela kwa serepeng a re: “Tabitha, tsoga!” A buduloga matlho, mme ya re a bona Petoro, a kanamologa. Petoro a mo neela seatla, a mo kakatlolola, a ba a bitsa baitshepi le batlholagadi, a mo ba supetsa a phela. Ga ba ga itsiwe mo Jope yotlhe, mme ba bantsi ba dumela mo Moreneng. Petoro a tlhola malatsi a se kae mo Jope mo go Simone mongwe, mosugi wa matlalo. Go ne go le monna mongwe kwa Kaisarea yo leina la gagwe e leng Koronelio, e le molaodi-wa-lekgolo mo mophatong o o bidiwang wa Italia, e le morapedi yo o boifang Modimo, ene le botlhe ba ntlo ya gagwe, yo o atswang batho thata, a rapela Modimo ka metlha. E rile e ka nna nako ya boraro thapama, a bona moengele wa Modimo sentle ka pontsho a tsena go ene, a mo raya a re: “Koronelio!” Mme ene a tsepa matlho mo go ene a tshogile a re: “Ke eng, Morena?” A mo araba a re: “Merapelo ya gago le dikatso tsa gago di tlhatlogile go nna segopotso fa pele ga Modimo. Mme jaanong roma banna kwa Jope go bitsa Simone yo o okeleditsweng leina la Petoro; o nna kwa go Simone yo mongwe wa mosugi yo ntlo ya gagwe e leng fa lewatleng; ene o tla go bolelela se o tshwanetseng go se dira.” Ya re moengele yo o buileng nae a sena go tsamaya, a bitsa ba le babedi ba badiredi ba lelapa le motlhabani mongwe yo o boifang Modimo, wa ba ba nang nae ka gale, a ba bolelela tsotlhe, a ba roma kwa Jope. E rile ka moso, bone ba sa le mo tseleng, mme ba atametse motse, Petoro a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo go rapela, e ka nna ka nako ya motshegare. Foo a tshwarwa ke tlala, a ba a rata go ja. Ya re ba baakanya, a welwa ke tshiramo ya pelo, a bona legodimo le bulegile, le setsholo sengwe, e kete lesela le legolo, se fologela fa fatshe se lepeleditswe ka dintlha tse nne, mo go sona go le mefutafuta ya tse di maoto-mane le dibata le digagabi tsa lefatshe le dinonyane tsa loapi. Lentswe la ba la tla go ene la re: “Nanoga, Petoro, tlhaba o je!” Mme Petoro a re: “A go se nne jalo, Morena; gonne ga ke ise nke ke je sepe se se ilegang, le fa e le se se itshekologileng.” Lentswe la ba la tla go ene lwa bobedi la re: “Tse Modimo o di itshekisitseng, wena o se ka wa re, di a ilega.” Ga dirafala jalo gararo; setsholo sa ba sa akofa sa tsholelwa kwa legodimong. Ya re Petoro a sa ntse a akabetse gore pono e o e bonyeng e ka ne e kayang, ga tla banna ba ba romilweng ke Koronelio, ba boditse ka ga ntlo ya ga Simone, ba ema fa mojako, ba bitsa, ba be ba botsa gore a Simone yo o okeleditsweng leina la Petoro o nna teng fa. Ya re Petoro a ntse a akanya ka ga pono, Mowa wa mo raya wa re: “Bona, go banna ba le bararo, ba a go batla. Nanoga o fologe, o ye nabo, o se belaele sepe; gonne ke nna ke ba romileng.” Petoro a fologela kwa banneng ba ba romilweng ke Koronelio kwa go ene a re: “Ke nna yo lo mmatlang; ke eng se lo se tletseng?” Ba re: “Koronelio, molaodi-wa-lekgolo, monna yo o siameng yo o boifang Modimo, yo o bolelwang ka molemo ke setšhaba sotlhe sa Bajuta, o laetswe ke moengele yo o boitshepo gore a go biletse kwa ntlong ya gagwe, a utlwe mafoko mo go wena.” Ke fa a ba biletsa mo teng, a ba tshola. Ya re kamoso a tsoga a bolola nabo, le bangwe ba bakaulengwe ba ba mo Jope ba ya nae. Ka moso o mongwe ba tsena mo Kaisarea. Koronelio a bo a ba lebeletse, a phuthile ba ga gabo le ditsala tse dikgolo tsa gagwe. Ya re Petoro a re o a tsena, Koronelio a mo kgatlhantsha, a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo obamela. Mme Petoro a mo emisa a re: “Nanoga, le nna ke motho fela jaaka wena.” Ya re a ntse a bua nae, a tsena, a ba a fitlhela ba bantsi ba phuthegile. A ba raya a re: “Lo itse ka losi gore monna wa Mojuta ga a a letlelelwa go ikopanya le mongwe wa morafe o sele, le fa e le go tsena go ene; mme nna Modimo o ntshupeditse gore ke se ka ka kaya motho ope gore o a ilega gongwe o itshekologile. Ke gona ka moo e rileng ke bidiwa, ka tla fela, ke sa ganetse. Mme jaanong ke botsa gore lo mpileditseng?” Koronelio a araba a re: “E rile maloba, go setse go fetile malatsi a mane, ka nako eno ya boraro thapama, ka rapela mo ntlong ya me, ka bona monna a ema fa pele ga me, a apere diaparo tse di galalelang, a nthaya a re: ‘Koronelio, thapelo ya gago e utlwilwe, le dikatso tsa gago di gopotswe fa pele ga Modimo. Ka moo he, roma kwa Jope, o bitse Simone yo o okeleditsweng leina la Petoro; o nna mo ntlong ya ga Simone wa mosugi fa lewatleng; yoo e tla re fa a tsile, a bue nao.’ Ke ka moo ke akofileng ka roma kwa go wena; mme o dirile sentle, fa o tsile. Jaanong re fano rotlhe fa pele ga Modimo go utlwa tsotlhe tse o di laetsweng ke Modimo.” Ke fa Petoro a tswa molomo a re: “Ammaaruri, ke lemoga gore Modimo ga o gobelelele motho; mme yo o o boifang, a ba a dira ka tshiamo morafeng mongwe le mongwe, o a mo amogela. O rometse Baiseraele Lefoko la ona, wa bega kagiso ka Jesu Keresete Efangeleng; ke ene Morena wa botlhe. Lo itse se se dirafetseng mo lefatsheng lotlhe la Jutea, go simolola kwa Galelea, morago ga kolobetso e Johane o neng a e rera, e bong sa ga Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo; yo o ne a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba gatelelwang ke Diabolo; gonne Modimo o ne o na nae. “Rona re basupi ba tsotlhe tse o di dirileng mo lefatsheng la Bajuta le mo Jerusalema, yo ba bileng ba mmolaya ka go mo pega mo logonnye. Ene yoo Modimo o mo tsositse ka letsatsi la boraro, wa dira gore a bonale, e seng mo bathong botlhe, mme e le mo basuping ba ba tlhaotsweng ke Modimo pele, e bong mo go rona ba re jeleng, ra nwa nae, a sena go tsoga mo baswing. Mme o re laetse go rerela batho le go supa gore ke ene yo o tlhomilweng ke Modimo go nna moatlhodi wa baphedi le baswi. Ke ene yo baporofeti botlhe ba supang ka ga gagwe gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tla bona boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe.” Ya re Petoro a sa ntse a bua mafoko a, Mowa o o Boitshepo wa wela botlhe ba ba utlwang molaetsa. Ke fa ba bogwera ba ba dumetseng, ba ba tsileng le Petoro, ba gakgamala fa neo ya Mowa o o Boitshepo e tshetswe le mo baheitaneng; gonne ba ba utlwa ba bua ka diteme, ba godisa Modimo. Ke fa Petoro a simolola go botsa a re: “A mongwe a ka thibela metsi gore batho ba, ba ba amogetseng Mowa o o Boitshepo fela jaaka rona, ba se kolobediwe?” A ba a laola gore ba kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete. Jaanong ba mo rapela gore a tlhole malatsi mangwe teng. Jaanong baapostolo le bakaulengwe ba ba kwa Jutea ba utlwa gore Baditšhaba le bone ba amogetse Lefoko la Modimo. E rile Petoro a sena go fitlha kwa Jerusalema, ba e leng ba bogwera ba ganetsanya nae ba re: “O ile wa tsena mo banneng ba ba sa rupang, wa ja nabo.” Mme Petoro a simolola go ba ranolela ka thulaganyo a re: “Ke ne ke le mo motseng wa Jope, ke rapela. Ya re ke wetswe ke tshiramo ya pelo, ka bona pono, e bong setsholo se se tswang kwa legodimong, e kete lesela le legolo, le lepeleditswe ka dintlha tse nne, la fitlha fa go nna. Ya re ke sena go le tlhoma matlho, ka le tlhokomela, ka ba ka bona dilo tse di maoto-mane tsa lefatshe le dibata le tse di gagabang le dinonyane tsa loapi. Le gona ka utlwa lentswe le nthaya le re: ‘Nanoga, Petoro, tlhaba o je!’ Mme ka re: ‘A go se nne jalo, Morena; gonne ga go ise go ke go tsene sepe mo leganong la me se se ilegang gongwe se se itshekologileng.’ Mme lentswe la araba lwa bobedi, le tswa kwa legodimong, la re: ‘Tse Modimo o di itshekisitseng, wena o se ka wa di kaya tse di ilegang.’ Ga dirafala jalo gararo, tsotlhe tsa ba tsa tsholelwa gape kwa legodimong. “Mme ka yona nako eo banna ba le bararo ba tla, ba ema fa pele ga ntlo e re ne re le mo go yona, ba romilwe kwa go nna, ba tswa kwa Kaisarea. Mme Mowa wa nthaya wa re, ke ye nabo, ke se tlhaole ope. Mme le bakaulengwe ba barataro ba, ba ne ba ya le nna, ra tsena mo ntlong ya monna yoo. A re bolelela ka fa a bonyeng moengele ka teng a eme mo ntlong ya gagwe a re: ‘Roma kwa Jope go bitsa Simone yo leina le lengwe la gagwe e leng Petoro; ene o tla go bolelela mafoko a o tla pholosiwang ka ona, wena le ba ntlo ya gago botlhe.’ Ya re ke simolola go bua, Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go bona fela jaaka mo go rona mo tshimologong. Jaanong ka gakologelwa Lefoko la Morena jaaka a rile: ‘Fa e le Johane, ene o kolobeditse ka metsi; mme lona lo tla kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo.’ Fa jaanong Modimo o ba neile neo e e tshwanang le ya rona ba re dumetseng mo go Morena Jesu Keresete, nna ke ne ke le mang, yo nka kgoreletsang Modimo?” Ya re ba utlwa jalo, ba didimala, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Jaanong ke go re: Baditšhaba le bone Modimo o ba neile tlhabologo e e isang bophelong.” Jaanong ba ba faladitsweng ka pogiso e e tsogileng ka ntlha ya ga Setefane ba ya go fitlha kwa Fenikia le kwa Kipero le kwa Antiogia, ba sa bolelele ope Lefoko fa e se Bajuta fela. Mme bangwe ba bone e ne e le banna ba Kipero le ba Kirene, ba e rileng ba fitlha kwa Antiogia, ba bua le Bagerika le bone, ba rera Efangele ya Morena Jesu. Letsogo la Morena la nna nabo, mme ba bantsi ba dumela, ba sokologela mo Moreneng. Tumo ka ga bone ya utlwala mo ditsebeng tsa phuthego ya kwa Jerusalema, ba be ba roma Baranaba kwa Antiogia. Ya re a fitlha teng, mme a bona bopelotlhomogi jwa Modimo, a itumela, a ba a ba kgothatsa botlhe gore ba ngaparele Morena ka boikaelelo jwa pelo; gonne e ne e le monna yo o siameng, a tletse Mowa o o Boitshepo le tumelo; mme bontsi jo bogolo jwa oketsegela Morena. Ke fa Baranaba a tswa teng, a ya kwa Tareso go batla Saule. Ya re a sena go mmona, a mo isa kwa Antiogia. Ga fela ngwaga o o tletseng ba ntse ba nna le phuthego, ba ruta bontsi jo bogolo. Teng kwa Antiogia barutwa ba simolola go bidiwa Bakeresete. Mo malatsing ao ga fitlha baporofeti bangwe mo Antiogia, ba tswa Jerusalema. Ga nanoga mongwe wa bone yo leina la gagwe e leng Agabo, a bolela ka Mowa gore go tla nna leuba le legolo mo lefatsheng lotlhe. Ke le le neng la dirafala mo malatsing a ga Kelaudio. Barutwa ba dumalelana gore ba romele dithuso kwa badumeding-ka-bone ba ba agileng kwa Jutea, mongwe le mongwe ka fa a nonofileng ka teng. Ba be ba dira jalo, ba di romela kwa bagolong ka Baranaba le Saule. E rile ka sebaka seo kgosi Herote a tshwara bangwe ba phuthego go ba direla tse di setlhogo. A bolaya Jakobo, morwa-rraagwe Johane, ka tšhaka. Ya re a bona gore go kgatlhile Bajuta, a tswelela pele, a tshwara le ene Petoro. Mme ya bo e le malatsi a Dinkgwe tse di sa bedisiwang. Ya re a sena go mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, a mo neela ditlhophana tse nne tsa batlhabani, tse go leng ba le bane mo go sengwe le sengwe, go mo disa; mme a ikaeletse gore e tle e re Tlolaganyo e sena go feta, a mo sekise fa pele ga morafe. Petoro a disiwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme phuthego ya nna ya mo rapelela fa pele ga Modimo. E rile ka jona bosigo joo, fa Herote a tla tsoga a mo ntsha, Petoro a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi, a golegilwe ka dikeetane tse pedi, balebeledi ba le fa mojako, ba disitse ntlo ya kgolegelo. Mme moengele wa Morena a ema fa go ene ka tshoganyetso, le lesedi la phatsima mo ntlong; mme a batola Petoro fa letlhakoreng, a mo tsosa a re: “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe. Moengele a ba a mo raya a re: “Itlame o rwale ditlhako tsa gago!” Petoro a dira jalo. Jaanong a mo raya a re: “Apara kobo ya gago o ntshale morago!” A tswa, a mo sala morago, mme a bo a sa itse gore a se se dirilweng ke moengele ke nnete; a itlhoma a bona pono fela. Ya re ba sena go feta balebeledi ba ntlha le ba bobedi, ba fitlha fa setswalong sa tshipi sa kgoro e e tswelang kwa motseng; mme sona sa ba ipulela. Ba tswa, ba tsamaya go fitlha mokgwatheng o o kgabaganyang; foo moengele a akofa a kgaogana nae. Ya re Petoro a sena go sedimogelwa, a re: “Jaanong ke itse gore ruri Morena o romile moengele wa gagwe, a nkgolola mo seatleng sa ga Herote le mo go tsotlhe tse morafe wa Bajuta o neng o di lebeletse.” Ya re a sena go lemoga jalo, a ya kwa ntlong ya ga Maria, mma Johane yo leina le lengwe la gagwe e leng Mareko, kwa ba bantsi ba neng ba phuthegetse teng, ba rapela. Ya re a konyakonya setswalo sa kgoro, lelata le le bidiwang Rote la tla go reetsa. A lemoga lentswe la ga Petoro, a se ka a bula kgoro ka ntlha ya boitumelo, mme a tabogela mo teng, a bolela gore Petoro o eme fa kgorong. Ba mo raya ba re: “O a tsenwa.” Mme ene a tlhomamisa thata gore go ntse jalo. Bone ba re: “Ke moengele wa gagwe.” Mme Petoro a nna a konyakonya. Ya re ba sena go bula, ba mmona, ba be ba tseana. A ba boka ka seatla gore ba didimale, a ba bolelela ka fa Morena a mo ntshitseng mo ntlong ya kgolegelo ka teng; a ba a re: “Bolelang Jakobo le bakaulengwe dilo tseo.” Mme a tloga a ya felong go sele. Ya re bo sena go sa, ga nna khuduego e kgolo mo batlhabaning gore go dirafetse eng ka Petoro. Ya re Herote a sena go mmatla, mme a sa mmone, a sekisa balebeledi, a laela gore ba bolawe; a tloga mo Jutea, a ya kwa Kaisarea, a nna teng. O ne a galefetse ba Tiro le ba Sitone thata. Mme bone ba tla go ene ka bongwefela jwa pelo, ba itsalanya le Belaseto, modisa wa marobalo a kgosi, ba kopa kagiso; ka gonne lefatshe la bone le ne le jesiwa ke lefatshe la kgosi. Ya re ka letsatsi le le beilweng Herote a apara diaparo tsa bogosi, a nna mo sennong sa bogosi, a bua le bone. Ke fa batho ba kua ba re: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho.” Moengele wa Morena a mo itaya ka bonako, ka a se ka a naya Modimo tlotlo. Mme a jewa ke diboko, a swa. Mme Lefoko la Modimo la gola, la ntsifala. E rile Baranaba le Saule ba sena go fitlhisa dithuso tsa Antiogia, ba boa kwa Jerusalema, ba na le Johane yo leina le lengwe la gagwe e leng Mareko. Go ne go le baporofeti le baruti mo Antiogia mo phuthegong ya teng, e bong Baranaba le Simeone yo o bidiwang Nigere, le Lukio wa Kirene, le Manaene yo o godisitsweng mmogo le kgosi Herote, le Saule. Ya re ba ntse ba direla Morena, mme ba itima dijo, Mowa o o Boitshepo wa re: “Nntshetsang Baranaba le Saule gore ba ye tirong e ke ba bileditseng yona.” Jaanong ya re ba sena go itima dijo le go rapela le go ba baya diatla, ba ba naya tsela. Jaanong bone, ka ba romilwe ke Mowa o o Boitshepo, ba ya kwa Seloikia, ba be ba tswa teng, ba tshelela kwa Kipero ka mokoro. Ya re ba sena go fitlha kwa Salami, ba bolela Lefoko la Modimo mo disenagogeng tsa Bajuta, ba na le Johane e le mothusi. Ya re ba sena go ralala setlhakatlhake sotlhe go fitlha mo Phafo, ba fitlhela monna mongwe wa moitseanape teng, moporofeti wa maaka, wa Mojuta yo leina la gagwe e leng Barejesu; o ne a nna le molaodi Seregio Paulo, monna wa tlhaloganyo. Ene a bitsa Baranaba le Saule, a eletsa go utlwa Lefoko la Modimo. Mme Elemase wa moitseanape – leina la gagwe le fetolwa jalo – a ganetsanya nabo, a leka go faposa molaodi mo tumelong. Jaanong Saule yo o bidiwang Paulo, a tlhoma matlho mo go ene, a tletse Mowa o o Boitshepo, a mo raya a re: “Wena yo o tletseng boferefere le bolotsana jotlhe, wena wa ga Diabolo, mmaba wa tshiamo yotlhe, a ga o nke o bakela go sokamisa ditsela tse di siameng tsa Morena? Jaanong bona, letsogo la Morena le mo go wena, mme o tla nna sefofu, o sa bone letsatsi sebaka.” Ga ba ga wela leoto le lefifi mo go ene ka bonako; a nna a dikologa, a batla ba ba ka mo gogang ka letsogo. Ya re molaodi a bona se se dirilweng, a dumela, a gakgamaletse thuto ya Morena. Jaanong Paulo le ba a nang nabo ba tloga mo Phafo ka mokoro, ba fitlha kwa Perege wa Pamefilia. Teng foo Johane a ba tlogela, a boela kwa Jerusalema. Mme bone ba ralala lefatshe go tloga kwa Perege, ba fitlha kwa Antiogia wa Pisidia. Ba tsena mo senagogeng ka letsatsi la Sabata, ba nna fa fatshe. Ya re go sena go buisiwa molao le baporofeti, bagogi ba senagoge ba roma kwa go bone ba re: “Banna, bakaulengwe, a e re fa lo na le lefoko lengwe la go kgothatsa batho, lo bue.” Ke fa Paulo a nanoga, a boka ka letsogo a re: “Banna ba Iseraele, le lona ba lo boifang Modimo, reetsang! Modimo wa morafe o wa Iseraele o itlhaoletse borraetsho, wa godisa morafe o le kwa majakong mo lefatsheng la Egepeto, wa ba ntsha teng ka letsogo le le tsholetsegileng. Wa ba wa itshokela mekgwa ya bone mo sekakeng, e ka nna sebaka sa dinyaga di le 40. Mme e rile o sena go senya ditšhaba tse di supang mo lefatsheng la Kanana, wa ba naya lefatshe la tsona go nna boswa. Morago ga dilo tseo dinyageng tse e ka nnang di le 450 wa ba naya baatlhodi go tla go fitlha mo go Samuele moporofeti. “Go tloga foo ba kopa kgosi. Modimo wa ba naya Saule, morwa Khiše, monna wa lotso lwa ga Benyamene, dinyaga di le 40. Ya re o sena go mo tlosa, wa tlhoma Dafita gore a nne kgosi ya bone, wa supa ka ga gagwe wa re: ‘Ke bonye Dafita, morwa Isai, monna ka fa pelong ya me, yo o tla dirang thato ya me yotlhe.’ Ke ene yo Modimo o ntshitseng Mopholosi wa Iseraele mo losikeng lwa gagwe ka fa tsholofetsong, e bong Jesu, Johane a sena go rerela batho botlhe ba Iseraele kolobetso ya tlhabologo, pele Jesu a ise a simolole tiro. E rile Johane a wetsa tiro ya gagwe, a re: ‘Se lo nkayang sona ga ke sona. Mme bonang, o e tla morago ga me yo ditlhako tsa dinao tsa gagwe ke sa tshwanelang go di funolola.’ “Banna ba ga etsho, bomorwa lotso lwa ga Aborahame le ba ba boifang Modimo mo go lona, lefoko la pholoso e, le rometswe rona; gonne ba ba agileng mo Jerusalema le balaodi ba bone, ka ba ne ba sa mo itse, ba mo atlhola, ba dirafatsa mantswe a baporofeti jalo a a buisiwang ka Sabata mongwe le mongwe. Mme le fa ba se ka ba fitlhela molato ope o o tshwanetseng loso mo go ene, ba kopa Pilato gore a bolawe. E rile ba sena go swetsa tsotlhe tse di kwadilweng ka ga gagwe, ba mo pagolola mo logonnye, ba mo tsenya mo lebitleng. Mme Modimo wa mo tsosa mo baswing, a bonwa ka malatsi a mantsi ke ba ba duleng nae kwa Galelea, ba ya kwa Jerusalema, ba jaanong e leng basupi ba gagwe mo bathong. Le rona re lo rerela mafoko a boitumelo a tsholofetso e e diretsweng borraetsho, ka Modimo o e dirafaditse mo go rona, ba re leng bana ba bone, ka go tsosa Jesu, jaaka go kwadilwe mo Pesalomeng ya bobedi ga twe: “ ‘O morwaake, ke go tsetse kajeno.’ “O mo tsositse mo baswing gore a se ka a tlhola a boela mo go boleng; o sa le o bua jalo o re: “ ‘Ke tla lo naya tse di boitshepo tse di tlhomameng tsa ga Dafita.’ “Ke gona ka moo o buang le mo go e nngwe wa re: “ ‘Ga o nke o lesa Moitshepi wa gago a bona go bola.’ “Gonne Dafita, e rile a sena go direla thato ya Modimo mo motlheng wa gagwe, a robala, a fitlhwa fa go borraagwe, a ba a bona go bola. Mme ene yo Modimo o mo tsositseng ga a a ka a bona go bola. Jaanong itseng he, lona banna ba ga etsho: Lo rerelwa boitshwarelo jwa dibe ka ene yo. Mongwe le mongwe yo o dumelang o siamisiwa ke ene mo dilong tsotlhe tse lo ne lo sa ka ke lwa di itshwarelwa ka molao wa ga Moše. Jaanong itiseng, e se re gongwe lwa dirafalelwa ke se se builweng ke baporofeti se re: “ ‘Bonang, banyatsi ke lona, lo gakgamale, lo nyelele; gonne ke tla dira tiro mo malatsing a lona e lo ka bong lo sa e dumela ka gope, le fa mongwe a e lo bolelela.’ ” Ya re Bajuta ba tswa mo senagogeng, baheitane ba kopa gore ba bolelelwe mafoko ao le ka Sabata yo o tlang. Ya re phuthego e phatlalala, Bajuta ba bantsi le batlhabologi ba ba boifang Modimo ba sala Paulo le Baranaba morago. Bao ba ba kgothatsa, ba ba tlhotlheletsa gore ba nnele ruri mo boitshwarelong jwa Modimo. Ya re ka Sabata yo o latelang ga batla go phuthega motse otlhe go utlwa Lefoko la Modimo. Ya re Bajuta ba bona bontsintsi, ba tlala lefufa, ba ganetsa tse di builweng ke Paulo, ba kgala. Mme Paulo le Baranaba ba bua ka bopelokgale ba re: “Go ne go tshwanetse gore Lefoko la Modimo le bolelelwe lona pele. Mme e re ka lo le gana, lo ikatlhola gore ga lo a tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng, bonang, jaanong re ya kwa baheitaneng. Gonne Morena o re laetse jalo a re: “ ‘Ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.’ ” Ya re baheitane ba utlwa, ba itumela, ba galaletsa Lefoko la Morena. Botlhe ba ba tlhaoletsweng botshelo jo bo sa khutleng ba dumela. Lefoko la Modimo la ba la anamisiwa mo lefatsheng leo lotlhe. Bajuta bone ba tlhotlheletsa basadi ba ba boifang Modimo ba ba tlotlegang le ditlhogo tsa motse, ba tsosetsa Paulo le Baranaba pogiso, ba ba leleka mo nageng ya bone. Ke fa bone ba ba tlhotlhorela lorole lwa dinao, ba fetela kwa Ikonio. Mme barutwa ba tlala boitumelo le Mowa o o Boitshepo. Ga nna fela jalo le kwa Ikonio, ba tsena mo senagogeng sa Bajuta, ba bua tota, mo go bileng ga dumela bontsi jo bogolo jwa Bajuta le jwa Bagerika. Mme Bajuta ba ba sa dumeleng ba tlhotlheletsa baheitane, ba ba galefisetsa badumedi. Jaanong baapostolo ba nna teng sebaka, ba bua ka phuthologo, ba ikantse Morena yo o neng a supela Lefoko la bopelotlhomogi jwa gagwe ka go dirafatsa ditshupo le dikgakgamatso ka diatla tsa bone. Ke fa bontsi jwa motse bo kgaogana, bangwe ba goga le Bajuta, ba bangwe le baapostolo. Mme ya re go nna pheretlhego ya baheitane le Bajuta, ba na le balaodi ba bone go ba bogisa le go ba kgobotletsa ka majwe, ba lemoga, ba tshabela kwa metseng ya Lekaonia, e bong kwa Lesitara le Derebe, le mo tikologong ya yona, ba rera Efangele teng. Mo Lesitara go ne go ntse monna mongwe yo o palelwang ke dinao, a golafetse go tswa botsalong jwa gagwe, yo o iseng a ke a tsamae ka gope. Ene a utlwelela Paulo a bua. Ya re Paulo a tlhoma matlho mo go ene, mme a bona gore o na le tumelo ya go ka pholosiwa, a tlhatlosa lentswe a re: “Ema ka dinao, o tlhamalale!” Ke fa a ragoga, a tsamaya. Ya re batho ba bona se Paulo a se dirileng, ba tsholetsa mantswe ka Selekaonia ba re: “Medimo e fetogile, ya tshwana le batho, ya fologela kwano go rona.” Ba bitsa Baranaba Jupitere, le Paulo ba mmitsa Merekurio, ka e ne e le ene sebui. Moperesiti wa ga Jupitere yo tempele ya gagwe e leng kwa ntle ga motse, a tsisa dipoo le dirwalo tsa dithunya kwa dikgorong, a re o dira ditlhabelo mmogo le bontsi. Ya re baapostolo Baranaba le Paulo ba utlwa, ba ikgagola diaparo, ba tlolela mo bontsing, ba kua ba re: “Banna, lo direlang jalo? Kana le rona re batho fela jaaka lona, re lo rerela Efangele gore lo tlogele medimo e e seng yona, lo sokologele kwa Modimong o o phelang, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona; o e rileng mo dipakeng tse di fetileng wa lesa ditšhaba tsotlhe go itsamaela ka ditsela tsa tsona. Le fa go ntse jalo, ga o a ka wa tlhoka go itshupa ka go dira molemo le go lo nesetsa dipula tse di tswang legodimong le go lo naya metlha ya go roba sentle le go tlatsa dipelo tsa lona dijo le boitumelo.” Le fa ba bua jalo, ba batla go palelwa ke go thibela batho gore ba se ba direle ditlhabelo. Jaanong ga tla Bajuta teng ba ba tswang kwa Antiogia le Ikonio. Ya re ba sena go kgona bontsintsi, ba kgobotletsa Paulo ka majwe, ba mo gogela kwa ntle ga motse, ba itlhoma a sule. Mme ya re barutwa ba sa ntse ba mo dikanyeditse, a tsoga, a boela mo motseng; ka moso a tloga le Baranaba, ba ya kwa Derebe. Ya re ba sena go rerela motse oo Efangele le go dira barutwa ba se kae, ba boela kwa Lesitara le Ikonio le Antiogia. Ba tiisa dipelo tsa barutwa, ba ba kgothatsa gore ba nnele ruri mo tumelong. Le gona ba re: “Re tshwanetse go tsena mo pusong ya Modimo ka ditlalelo di le dintsi.” Ya re ba sena go ba beela bagolo mo phuthegong nngwe le nngwe le go rapela ka go itima dijo, ba ba neela Morena yo ba dumetseng mo go ene. Ba be ba ralala Pisidia, ba fitlha mo Pamefilia. Ya re ba se na go bolela Lefoko mo Perege, ba ya kwa Atalea. Ba tloga teng ka mokoro, ba ya kwa Antiogia kwa ba kileng ba neelwa bopelotlhomogi jwa Modimo teng go ya go dira tiro e jaanong ba tswang go e fetsa. E rile ba sena go fitlha teng le go kgobokanya phuthego, ba bolela dilo tsotlhe tse Modimo o di dirileng o na le bone, le ka fa o buletseng baheitane mojako wa tumelo ka teng. Ba be ba nna le barutwa sebaka se seleele. Ke fa bangwe ba tswa kwa Jutea, ba ruta badumedi ba re: “Fa lo sa rupe ka fa mokgweng wa ga Moše, ga lo ka ke lwa pholosiwa.” Ya re Paulo le Baranaba ba na le kgang le potsanyo e kgolo nabo, ga utlwanwa gore Paulo le Baranaba le ba bangwe ba bone ba ye kwa Jerusalema kwa baapostolong le bagolong ka ntlha ya kgang e. Ya baa gona ba buledisiwang ke phuthego, ba ralala Fenikia le Samaria, ba eta ba bolelela badumedi tshokologo ya baheitane, ba ba itumedisa botlhe thata. Ya re ba sena go fitlha kwa Jerusalema, ba tsholwa ke phuthego le baapostolo le bagolo, ba bolela dilo tsotlhe tse Modimo o di dirileng o na le bona. Mme ga tsoga badumedi bangwe ba lekoko la Bafarisai ba ba reng: “Baheitane ba ba tlhabologang ba tshwanetse go rupisiwa le go laelwa gore ba tshegetse molao wa ga Moše.” Jaanong baapostolo le bagolo ba phuthega go sekaseka kgang e. Morago ga kganetsanyo e telele Petoro a ema, a ba raya a re: “Banna ba ga etsho, lo itse gore Modimo ga o bolo go intlhaolela mo go lona, gore baheitane ba utlwe Lefoko la Efangele ka molomo wa me, mme ba dumele. Modimo, moitsi wa dipelo, o supile ka ga bone, wa ba naya Mowa o o Boitshepo fela jaaka rona. Ga o a ka wa re farologanya le bone, gonne o phepafaditse dipelo tsa bone ka tumelo. Jaanong he, lo lekelang Modimo ka go baya jokwe mo melaleng ya barutwa, e le e borraetsho le rona re neng re sa nonofa go e rwala? Mme re dumela gore re pholosiwa ka bopelotlhomogi jwa Morena Jesu fela jaaka bone.” Foo ba didimala botlhe, ba reetsa Baranaba le Paulo, ba ba bolelang ditshupo le dikgakgamatso tse dintsi tse Modimo o di dirileng mo baheitaneng ka bone. Ya re ba sena go didimala, ga simolola Jakobo go bua a re: “Banna ba ga etsho, ntheetsang! Simone o boletse ka fa Modimo o etetseng baheitane ga ntlha ka teng go batlela leina la ona morafe mo go bone. Le mafoko a baporofeti a dumalelana le gona, jaaka go kwadilwe ga twe: “ ‘Morago ga tseo ke tla boa, ke tsosa ntlo ya ga Dafita e e oleng, ke aga gape tse di oleng tsa yona, ke e siamisa gore masalela a batho a batle Morena, le Baditšhaba botlhe ba Leina la me le boletsweng mo go bone, go bua Morena yo o dirang dilo tseo, tse di sa leng di itsege go tloga metlheng ya bogologolo.’ “Ke gona ka moo nna ke atlholang gore ba ba tswang mo baheitaneng ba ba sokologelang Modimong, re se ka ra ba imetsa, mme re ba kwalele gore ba ikilele mo go tse di itshekologileng tsa medimo ya diseto le mo boakeng le mo go se se betilweng le mo mading. Gonne go tswa metlheng ya bogologolo Moše o ntse a na le ba ba mo rerang mo motseng mongwe le mongwe, ka a buisiwa mo disenagogeng ka Sabata mongwe le mongwe.” Jaanong baapostolo le bagolo, mmogo le phuthego yotlhe, ba fitlhela go le molemo go ka tlhaola banna bangwe ba bone le go ba roma kwa Antiogia, ba na le Paulo le Baranaba, e bong Juta yo o bidiwang Baresaba, le Silase, banna ba e leng bagogi mo gare ga badumedi. Ba ba neela lokwalo lo lo reng: “Rona baapostolo le bagolo, re le badumedi-ka-lona re a lo dumedisa, lona badumedi ba lo tswang mo merafeng, lo le kwa Antiogia le kwa Siria le kwa Kilekia. E re ka re utlwile gore bangwe ba ba duleng mo go rona, ba re sa ba romang, ba lo tshwentse ka mafoko, ba belaedisa dipelo tsa lona, re fitlhetse go le molemo, mme ra dumalelana go tlhaola banna le go ba roma koo go lona, ba na le Baranaba le Paulo, baratiwa ba rona, ba e leng banna ba ba beetseng leina la Morena wa rona Jesu Keresete maphelo a bone. Ke ka moo re romileng Juta le Silase; le bone ba tla lo bolelela dilo tseo ka molomo. Gonne go kgatlhile Mowa o o Boitshepo le rona gore re se ka ra lo rwesa morwalo ope o sele kwa ntle ga tse di batlegang tsa gore lo ikilele mo nameng ya ditlhabelo tsa medimo le mo mading le mo go tse di betilweng le mo boakeng; fa lo ka ithiba mo go tseo, lo tla bo lo dira sentle. Salang pila.” Jaanong ya re bao ba sena go newa tsela, ba fitlha kwa Antiogia, ba phutha phuthego yotlhe, ba ba naya lokwalo. Ba lo buisa, ba itumelela kgothatso eo. Juta le Silase ba e bileng e le baporofeti, ba nametsa bana ba Modimo ka bone ka mafoko a mantsi, ba ba tiisa. Ya re ba sena go nna sebaka teng, ba newa tsela ka kagiso go tswa mo go ba ga bone tumelong go boela kwa go ba ba ba romileng. Fela Silase ene a kgatlhwa ke go sala teng. Paulo le Baranaba ba nna sebaka kwa Antiogia, ba ruta, ba rera Efangele ya Lefoko la Morena mmogo le ba bangwe ba le bantsi. E rile morago ga malatsi mangwe Paulo a raya Baranaba a re: “Jaanong a re boe, re ye go tlhola bakaulengwe mo motseng mongwe le mongwe o re boletseng Lefoko la Morena mo go ona, re bone ka fa ba phelang ka teng.” Mme Baranaba a rata gore le Johane yo o bidiwang Mareko a ye nabo. Paulo ene a fitlhela go sa tshwanela gore a ye le bone, ka a ikgaogantse nabo kwa Pamefilia, mme a se ka a ya nabo tirong. Ga tsoga phapaang e e botlhoko, mo ba bileng ba kgaogana. Baranaba a tsaya Mareko, a ya nae kwa Kipero ka mokoro. Paulo a itlhaolela Silase, a bolola a sena go rapelelwa bopelotlhomogi jwa Morena ke bakaulengwe. A ralala Siria le Kilekia, a eta a tiisa diphuthego. A fitlha le kwa Derebe le Lesitara, a fitlhela morutwa mongwe teng, yo leina la gagwe e leng Timotheo, yo mmaagwe e leng Mojuta yo o dumetseng, rraagwe ene e le Mogerika. A bo a bolelwa ka molemo ke bakaulengwe ba ba mo Lesitara le mo Ikonio. Ene yoo Paulo a rata gore a tsamae nae; a mo tsaya, a mo rupisa ka ntlha ya Bajuta ba mafelo ao; gonne ba ne ba itse botlhe gore rraagwe ke Mogerika. Ya re ba ntse ba ralala metse, ba ba laela ditaelo tse di utlwanetsweng ke baapostolo le bagolo ba kwa Jerusalema gore ba di tshegetse. Diphuthego tsa tiisiwa jalo mo tumelong, tsa ntsifala mo palong ka letsatsi lengwe le lengwe. Ba ralala lefatshe la Feregia le la Galatia, ka ba ilediwa ke Mowa o o Boitshepo go bolela Lefoko mo Asia. E rile ba fitlha go lebagana le Misia, ba leka go ya kwa Bithinia; mme Mowa wa ga Jesu wa se ka wa ba letlelela. Ke fa ba feta Misia, ba fologela kwa Teroase. Teng pono ya tlhagela Paulo bosigo, a bona monna mongwe wa Maketonia a eme, a mo rapela a re: “Tshelela kwano Maketonia, o re thuse!” Ya re a sena go bona pono, ra akofa ra leka go ya kwa Maketonia, ka re lemoga gore Modimo o re biditse go ba rerela Efangele. Jaanong ra tswa mo Teroase ka mokoro, ra tlhamalalela kwa Samotherake, mme ka moso ra fitlha kwa Neapoli. Go tloga foo ra ya kwa Filipi yo e leng motse wa ntlha wa karolo ya teng ya Maketonia, e le boago jwa Baroma; ra tlhola malatsi mangwe mo motseng oo. Ya re ka letsatsi la Sabata ra tswela kwa ntle ga kgoro fa nokeng, kwa re ne ra gopola go le felo ga thapelo teng, ra nna fa fatshe, ra bua le basadi ba ba phuthegileng. Mosadi mongwe yo leina la gagwe e leng Ledia, morekisi wa masela a mahibidu, wa motse wa Thiatira, yo o boifang Modimo, a reetsa; ene Morena a bula pelo ya gagwe gore a tlhokomele tse di buiwang ke Paulo. Ya re a sena go kolobediwa le ba ntlo ya gagwe, a kopa a re: “Fa lo nkaya ke le yo o dumelang mo Moreneng, tsenang mo ntlong ya me, lo nne teng.” Mme a re emelela thata. E rile ka letsatsi le lengwe re ya kwa felong ga thapelo, morweetsana mongwe yo o neng a na le mowa wa boitseanape a re kgatlhantsha, e le yo o neng a tsisetsa beng ba gagwe khumo e kgolo ka tsa boitseanape. Yoo a sala Paulo le rona morago, a eta a kua a re: “Batho ba ke batlhanka ba Modimo o o godimodimo ba ba lo bolelelang tsela ya pholoso.” A dira jalo ka malatsi a mantsi. Mme Paulo a gakala, a retologa, a raya mowa a re: “Ke go laela ka leina la ga Jesu Keresete gore o tswe mo go ene!” Wa tswa ka yona nako eo. Ya re beng ba gagwe ba bona gore tsholofelo ya bone ya go bapalela pele e nyeletse, ba tshwara Paulo le Silase, ba ba gogela kwa patlelong ya motse kwa balaoding, ba ba isa kwa baatlhoding ba re: “Batho ba, e re e le Bajuta, ba feretlha motse wa rona, ba ruta mekgwa e re sa letlelelwang go e amogela, le fa e le go e dira, ka re le Baroma.” Ke fa batho ba motse ba ba tsogela, mme baatlhodi ba ba rutla diaparo, ba laola gore ba itewe ka dithupa. Ya re ba sena go ba itaya dithupa tse dintsi, ba ba latlhela mo ntlong ya kgolegelo, ba laela modisa wa kgolegelo gore a ba dise thata. Ya re yo a sena go amogela taelo e e ntseng jalo, a ba latlhela mo kgolegelong e e kwa tengteng, a tlapisa dinao tsa bone ka dikota. Ya re gare ga bosigo Paulo le Silase ba rapela, ba opelela Modimo difela, bagolegwi-ka-bone ba bo ba ba reeditse. Jaanong ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe ka tshoganyetso, mo metheo ya ntlo ya kgolegelo e bileng ya reketla, le mejako yotlhe ya bulega ka bonako, le dikgolego tsa botlhe tsa funologa. Ya re modisa wa kgolegelo a thanya mo borokong, mme a bona mejako ya ntlo ya kgolegelo e bulegile, a somola tšhaka, a re o a ipolaya, a itlhoma bagolegwi ba tshabile. Mme Paulo a kua ka lentswe le legolo a re: “Se ipolae; gonne re fano rotlhe!” Jaanong a lopa dipone, a tlolela mo teng, a wela fa pele ga Paulo le Silase, a roroma. A ba a ba ntshetsa kwa ntle a re: “Barena, ke tshwanetse go dirang gore ke pholosiwe?” Ba araba ba re: “Dumela mo go Morena Jesu, mme o tla pholosiwa, wena le ba ntlo ya gago.” Ba be ba mmolelela Lefoko la Morena le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe. A ba tsaya ka nako eo ya bosigo, a tlhatswa dintho tsa bone, a akofa a kolobediwa, ene le ba lapa la gagwe botlhe; a ba isa mo ntlong ya gagwe, a ba tsholela dijo, a ipela le botlhe ba ntlo ya gagwe, ka a dumetse mo Modimong. E rile bo sena go sa, baatlhodi ba roma batlhanka ba re: “Golola batho bao!” Modisa wa kgolegelo a bolelela Paulo mafoko a, a re: “Baatlhodi ba rometse gore lo gololwe; jaanong he, tswayang lo tsamae ka kagiso.” Paulo a ba raya a re: “Ba re iteile mo pepeneneng, re sa atlholwa, re le Baroma, ba re latlhetse mo ntlong ya kgolegelo; mme jaanong a ba tla re ntshetsa kwa ntle ka go sa itsiweng? Le go ka! A go tle bone ka bosi, ba re ntshe.” Batlhanka ba bolelela baatlhodi mafoko ao. Ya re ba utlwa gore ke Baroma, ba boifa; jaanong ba tla, ba ba rapela. Ya re ba sena go ba ntsha, ba ba kopa gore ba tloge mo motseng. Ba tswa mo ntlong ya kgolegelo, ba ya kwa go Ledia; mme ya re ba sena go bona bakaulengwe, ba ba gomotsa, ba tloga ba tsamaya. E rile ba sena go ralala Amfipoli le Apolonia, ba fitlha mo Thesalonika, kwa go neng go le senagoge sa Bajuta teng. Paulo a tsena fa go bone ka fa tlwaelong ya gagwe, a nna a fetolana nabo ka fa Dikwalong ka boSabata ba le tharo. A phutholola, a ranola gore Keresete o ne a tshwanetse go boga le go tsoga mo baswing; le gona a re: “Jesu yo ke mo lo rerelang ke ene Keresete.” Bangwe ba bone ba utlwa, ba ikopanya le Paulo le Silase, le bontsi jo bogolo jwa Bagerika ba ba boifang Modimo, le basadi ba ba tlotlegang ba le bantsi. Jaanong Bajuta ba ba sa dumeleng ba itseela banna bangwe ba ba bosula ba ba difafalele, ba kgobokanya bontsi, ba feretlha motse; ba tlhasela ntlo ya ga Jasone, ba leka go ntshetsa Paulo le Silase mo bathong. Ya re ba sa ba fitlhele, ba gogela Jasone le bakaulengwe bangwe fa pele ga balaodi ba motse, ba kua ba re: “Batho ba, ba ba feretlhang lefatshe, le mono ba tsile. Jasone o ba amogetse, mme botlhe ba, ba tlola ditaolo tsa Kaisara ba re, kgosi ke o sele, e bong Jesu.” Bontsi le balaodi ba motse ba huduega, fa ba utlwa jalo. Mme ya re ba sena go amogela peeletso mo go Jasone le ba bangwe, ba ba lesa ba tsamaya. Ke fa bakaulengwe ba akofa ba romela Paulo le Silase kwa Berea bosigo. Ya re ba fitlha teng, ba ya kwa senagogeng sa Bajuta. Mme bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba kwa Thesalonika, ba amogela Lefoko ka tlhagafalo yotlhe, ba lotolotsa Dikwalo ka letsatsi lengwe le lengwe gore a dilo tse, di ntse jalo. Jaanong ba bantsi ba bone ba dumela le bontsinyana jwa batlotlegi ba basadi le banna ba Bagerika. E rile Bajuta ba Thesalonika ba utlwa gore le mo Berea Lefoko la Modimo le rerwa ke Paulo, ba ya teng, ba belaedisa batho, ba ba ferekanya le teng. Ya baa gona bakaulengwe ba akofang ba tshabisa Paulo go ya go fitlha kwa lewatleng, Silase le Timotheo bone ba sala teng. Ba ba patileng Paulo ba mo fitlhisa kwa Athene. Ya re ba sena go amogela molaetsa mo go Paulo wa gore Silase le Timotheo ba tle kwa go ene ka bonako, ba boa. E rile Paulo a sa ntse a ba letile mo Athene, mowa wa gagwe wa galefa, ka a bona motse o tletse medimo ya diseto. Ke ka moo a nnang a fetolana le Bajuta le ba ba boifang Modimo mo senagogeng, le ba ba rakanang nae mo marekelong ka letsatsi lengwe le lengwe. Jaanong bangwe ba batlhalefi ba Baepikure le Bastoike le bone ba ganetsanya nae. Bangwe ba re: “Kana mmalabadi yo, o rata go buang?” Ba bangwe ba re: “E kete ke moreri wa medimo e sele.” Ke ka gonne o ne a rera Efangele ya ga Jesu le tsogo ya baswi. Ba mo tsaya, ba mo isa kwa lekgotleng la Areopago ba re: “A re ka itse gore thuto e ntšhwa e, e o e bolelang, ke ya eng? Gonne o utlwatsa dilo di sele mo ditsebeng tsa rona; jaanong re rata go utlwa gore dilo tse, di kayang.” Mme jaanong Baathene botlhe le bafaladi ba ba agileng teng, ba ne ba sa kgathalale sepe fa e se go bolela gongwe go utlwa se sešwa. Jaanong Paulo a ema fa gare ga Areopago a re: “Lona banna ba Athene, ke lemoga gongwe le gongwe gore lo tlotla medimo thata. Gonne ya re ke tsamaya, ke leba tse lo di obamelang, ka fitlhela le aletare e go kwadilweng mo go yona go twe: ‘YA MODIMO O O SA ITSIWENG’. “Jaanong he, ona o lo o obamelang lo sa o itse ke ona o ke o lo bolelelang. Modimo o o dirileng lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone, ona, ka e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla; le gona ga o direlwe ka diatla tsa batho, jaaka e kete o tlhoka sengwe, etswe e le ona ka osi o o nayang botlhe bophelo le mowa le tsotlhe. O dirile gore setšhaba sengwe le sengwe sa batho se tswe mo mading a le mangwe fela, ba age mo lefatsheng lotlhe; o tlhomamisitse metlha ya bone e e beilweng pele le melelwane ya maago a bone gore ba batle Modimo, e tle e re gongwe ba o apaape, ba o bone; kana ga o kgakala le ope wa rona; gonne re ntse re na nao, fa re tshela, re tsamaya, re le teng, jaaka le bangwe ba baboki ba lona ba buile ba re: “ ‘Kana le rona re losika lwa ona.’ Jaanong he, e re ka re le losika lwa Modimo, ga re a tshwanela go itlhoma gore Modimo o ka tshwana le sebopiwa sa gouta gongwe sa selefera gongwe sa lentswe sa botswerere le kakanyo ya motho. “Fa e le metlha ya botlhoka-kitso, Modimo o e tlhokomologile, mme jaanong o laela batho botlhe mo ntlheng tsotlhe go tlhabologa; gonne o tlhomile letsatsi le o tla atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mmeetseng gona, mme o buletse botlhe tsela ya go ka dumela ka go mo tsosa mo baswing.” Ya re ba utlwa tsogo ya baswi, bangwe ba sotla; ba bangwe ba re: “Re tla go utlwa gape ka ga moo.” Paulo a tswa jalo mo gare ga bone. Mme banna bangwe ba mo ngaparela, ba dumela, mo go bone go le Dionisio wa Areopago, le mosadi mongwe yo leina la gagwe e leng Damarise, ba na le ba bangwe. Morago ga tseo Paulo a tloga kwa Athene, a ya kwa Korinthe. A fitlhela Mojuta mongwe teng yo leina la gagwe e leng Akwila, e le yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo e leng gona a tswang kwa Italia, a na le Perisila mosadi wa gagwe; ka gonne Kelaudio o ne a laotse gore Bajuta botlhe ba tloge mo Roma, mme Paulo a ya kwa go bone. Mme ya re ka a le wa tiro nngwe fela nabo, a nna nabo, mme ba dira. Tiro ya bone e ne e le go dira ditente. Paulo a fetolana le batho mo senagogeng ka Sabata mongwe le mongwe, a kgona Bajuta le Bagerika. E rile Silase le Timotheo ba tswa kwa Maketonia, Paulo a tlhagafalela Lefoko, a tiisetsa Bajuta gore Jesu ke Keresete. Ya re ba ganetsa, ba kgala, a ikudubatsa diaparo, a ba raya a re: “A madi a lona a wele ditlhogong tsa lona! Nna ke itshekile; go tloga jaanong ke tla ya kwa baheitaneng.” Mme a tloga teng, a ya mo ntlong ya mongwe yo leina la gagwe e leng Titio Juseto, e le yo o boifang Modimo, yo ntlo ya gagwe e bapileng le senagoge. Kerisepo, mogogi wa senagoge, a dumela mo Moreneng le botlhe ba lelapa la gagwe; le Bakorinthe ba le bantsi, ya re ba utlwa, ba dumela, ba be ba kolobediwa. Morena a raya Paulo bosigo ka pono a re: “O se ka wa boifa; bua fela, o se ka wa didimala! Gonne nna ke na nao, mme ga go ope yo o tla go tlhaselang go go direla bosula; gonne ke na le batho ba bantsi mo motseng o.” Mme a nna teng ngwaga le dikgwedi tse thataro, a ruta Lefoko la Modimo mo go bona. E rile Galeo e le molaodi wa Agaya, Bajuta ba tsogela Paulo ka bongwefela jwa pelo, ba mo isa kwa lekgotleng ba re: “Motho yo, o kgona batho gore ba direle Modimo ka mokgwa o o thulanang le molao.” Ya re Paulo a re o tumolola molomo, Galeo a raya Bajuta a re: “Bajuta ke lona, fa e ka bo e le tshiamololo gongwe tiro ya bolotsana, nka bo ke lo itshokela ka fa tshwanelong ya teng. Mme fa e le dikgang ka ga thuto le maina le molao o e leng wa lona, tsona tseo di iponeleng ka losi; ga ke rate go nna moatlhodi wa dilo tseo.” Mme a ba leleka mo kgotleng. Jaanong botlhe ba tshwara Sosethene, mogogi wa senagoge, ba mmetsa teng mo kgotleng; mme Galeo a se ka a re sepe ka ga dilo tseo. Paulo a fela a tlhola malatsi a se kae teng; ke fa a sadisa bakaulengwe sentle, a tswa teng ka mokoro, a ya kwa Siria, a na le Perisila le Akwila; a bile a ipeotse tlhogo mo Kenegerea; gonne o ne a dirile maikano. Ba fitlha kwa Efeso, mme a ba tlogela teng. Ene a tsena mo senagogeng, a fetolana le Bajuta. Ya re ba mo kopa gore a tlhole nabo malatsinyana, a se ka a dumela, mme a ba sadisa sentle a re: “Kana ke tshwanetse go nna mo moletlong o o tlang kwa Jerusalema. Ke tla boela kwano go lona, fa Modimo o rata.” Mme a tloga mo Efeso ka mokoro. Ya re a sena go fitlha kwa Kaisarea, a tlhatlogela kwa Jerusalema, a dumedisa phuthego, a ba a ya kwa Antiogia. Ya re a sena go nna sebaka teng, a tloga, a ralala lefatshe la Galatia le la Feregia ka go tlhomoganya mafelo, a tiisa barutwa botlhe. Jaanong Mojuta mongwe yo leina la gagwe e leng Apolo a fitlha kwa Efeso; o ne a tsaletswe kwa Aleksanteria, e le monna yo o rutegileng, yo o nonofileng mo Dikwalong. Monna yo, o ne a rutilwe Tsela ya Morena, mme a bua ka go tuka mo pelong, a ruta ka kelelelo ka ga Jesu, mme kolobetso o ne a itse ya ga Johane fela. Ene a simolola go bua ka phuthologo mo senagogeng. Mme ya re Perisila le Akwila ba mo utlwa, ba mo itseela, ba mo phuthololela tsela ya Modimo ka kelelelo e e fetisang. Ya re a rata go fetela kwa Agaya, bakaulengwe ba mo nametsa, ba kwalela barutwa gore ba mo tshole. Ya re a sena go fitlha, a thusa thata ba ba dumetseng ka bopelotlhomogi jwa Modimo; gonne o ne a fenya Bajuta ka nonofo mo pepeneneng, a supa ka Dikwalo gore Jesu ke Keresete. Jaanong e rile Apolo a le kwa Korinthe, Paulo a fitlha kwa Efeso, a sena go ralala dinaga tse di kwa godimo; a fitlhela barutwa bangwe teng. A ba botsa a re: “A e rile fa lo dumela, lwa amogela Mowa o o Boitshepo?” Ba mo araba ba re: “Nnyaya, le e seng go utlwa gore go na le Mowa o o Boitshepo.” A botsa gape a re: “Lo kolobeditswe ka kolobetso efe?” Ba re: “Ka kolobetso ya ga Johane.” Paulo a re: “Johane o kolobeditse ka kolobetso ya tlhabologo, a bolelela batho gore ba dumele mo go ene yo tlang morago ga gagwe, e bong Jesu.” Ya re ba sena go utlwa jalo, ba kolobediwa mo leineng la Morena Jesu. Mme ya re Paulo a ba baya diatla, Mowa o o Boitshepo wa tla mo go bone, ba bua ka diteme, ba be ba porofesa. Mme banna botlhe bao e ne e ka nna ba ba 12. Jaanong a tsena mo senagogeng, a bua ka ga puso ya Modimo ka bopelokgale dikgwedi tse tharo, a fetolana nabo, a leka go ba kgona. E rile bangwe ba ithatafatsa dipelo, ba sa utlwe, ba bua bosula ka ga Tsela ya bokeresete fa pele ga batho, a tloga mo go bone, a phuthela barutwa go sele, a fetolana le batho ka letsatsi lengwe le lengwe mo sekolong sa ga Tirano. Selo se sa dirafala dinyaga di le pedi, mo botlhe ba ba agileng mo Asia ba bileng ba utlwa Lefoko la Morena, Bajuta le Bagerika. Modimo wa dira ditiro tsa nonofo tse di gakgamatsang ka diatla tsa ga Paulo, mo e bileng masela a a amileng letlalo la gagwe gongwe dikhiba di neng tsa bewa mo balwetseng, mme malwetse a tloga mo go bone, le mewa e e bosula ya tswa. Bajuta bangwe ba ba pholethang, e le baleleki ba mewa e e bosula, ba leka go bitsa leina la Morena Jesu mo go ba ba nang le mewa e e bosula ka go ba raya ba re: “Re a lo leleka ka Jesu yo Paulo o mo rerang!” E ne e le bomorwa ba ba supang, ba Mojuta mongwe, e bong Sekefa, moperesiti yo mogolo, ba ba dirang jalo. Mme mowa o o bosula wa ba fetola wa re: “Jesu ke a mo itse, le Paulo ke a mo tlhaloganya, lo bomang lona?” Mme monna yo mowa o o bosula o leng mo go ene, a ba tlolela, a ba betelela botlhe, a ba fenya, mo ba bileng ba tshaba mo ntlong eo, ba sa ikatega, ba le dintho. Jaanong selo se sa itsiwe ke botlhe, Bajuta le Bagerika, ba ba agileng mo Efeso; poifo ya ba wela botlhe, mme leina la Morena Jesu la tumisiwa. Ga ba ga tla ba bantsi ba ba dumetseng, ba ipobola, ba bolela ditiro tsa bone. Ba bantsinyana ba bone ba ba neng ba dirile tsa mereo ya boloi, ba kgobokanya dikwalo tsa teng, ba di fisa fa pele ga botlhe; ba bala tlhotlhwa ya tsona, ba fitlhela e le diranta di le 5 000. Ka mokgwa oo Lefoko la Morena la ata, la fenya ka nonofo. E rile dilo tseo di sena go fela, Paulo a ikaelela mo moweng go ralala Maketonia le Agaya le go ya kwa Jerusalema, a re: “E tla re ke sena go nna teng, ke tshwanela go bona le Roma.” Jaanong a roma ba le babedi ba bone ba ba mo direlang, e bong Timotheo le Eraseto, a ba romela kwa Maketonia, ene a nama a sa setse sebaka mo Asia. Ka sebaka seo ga tsoga khuduego e kgolo ka ntlha ya Tsela ya bokeresete; gonne monna mongwe yo leina la gagwe e leng Demeterio, mothudi wa selefera yo o dirang ditempelana tsa selefera tsa ga Diana, a bo a tsisetsa badiri papadi e kgolo. Yoo a ba phutha le badiri ba tiro e e tshwanang a ba raya a re: “Banna, lo itse gore re bona khumo ya rona ka papadi e; mme lo a bona, e bile lo utlwa gore Paulo yo, o kgonne batho ba bantsi, e bile o ba fapositse, e seng mo Efeso fela, mme e batlile e nna le mo Asia yotlhe ka go bua a re: Medimo e e dirwang ka diatla ga se medimo. Mme ga se tiro ya rona fela e e mo kotsing ya go ka nyatsega, e bile le tempele ya ga Diana, modimo o mogolo wa sesadi, e ka kaiwa e se sepe; tota ona ka osi o Asia yotlhe le lefatshe lotlhe le o obamelang, o ka senyegelwa ke kgalalelo ya ona.” Fa ba utlwa jalo, ba tlala bogale, ba kua ba re: “O mogolo, Diana wa Baefeso!” Mme motse wa tlala pheretlhego, ba tabogela mo lebaleng la tshamekelo ka bongwefela jwa pelo, ba sena go tshwara Gayo le Aristarego Bamaketonia, bapati ba ga Paulo. Ya re Paulo a rata go tsena mo bathong ba, barutwa ba mo thibela. Le balaodi bangwe ba Asia ba e leng ditsala tsa gagwe, ba roma kwa go ene, ba mo rapela gore a se ka a ya kwa lebaleng la tshamekelo. Teng ba bangwe ba kua se, ba bangwe se sele; gonne kgobokano e ne e feretlhegile. Mme bontsi bo ne bo sa itse se se phuthegetsweng. Bangwe ba bontsi ba isa Aleksantere kwa pele, ka Bajuta ba mo dirile mmueledi wa bone. Mme Aleksantere a boka ka letsogo, a rata go ba arabela mo bathong. Ya re ba lemoga gore ke Mojuta, botlhe ba nna ba kua ka lentswe le le lengwe fela ka dinako tse di ka nnang tse pedi ba re: “O mogolo, Diana wa Baefeso!” Jaanong ya re mokwaledi wa motse a sena go didimatsa bontsi, a bua a re: “Lona banna ba Efeso, kana ke ofe mo bathong yo o sa itseng gore motse wa Efeso ke modisa wa tempele ya ga Diana yo mogolo le wa setshwantsho sa gagwe se se oleng kwa legodimong? Jaanong e re ka dilo tse, di sa ka ke tsa ganediwa, lo tshwanetse go didimala, lo se dire sepe ka potlako. Gonne lo tsisitse banna ba, ba e seng magodu a dilo tsa tempele, le e seng bakgadi ba modimo wa rona wa sesadi. Mme jaanong, fa Demeterio le badiri ba ba nang nae ba na le kgang le mongwe, makgotla a teng, le baatlhodi, a ba sekisanye. Mme fa lo batla sengwe se sele, se tla sekwa mo pitsong e e epilweng ka molao. Gonne re mo kotsing ya go ka bewa molato ka ntlha ya moferefere wa kajeno, ka go se na lebaka lepe le re ka ikarabelang ka lone ka ntlha ya pheretlhego e.” Ya re a sena go bua jalo, a phatlalatsa kgobokano. E rile pheretlhego e sena go khutla, Paulo a bitsa barutwa, a ba kgothatsa; a ba a ba sadisa sentle, a bolola go ya kwa Maketonia. A ralala dinaga tsa teng, a ba nametsa ka mafoko a mantsi, a ba a fetela kwa lefatsheng la Bagerika, a nna teng dikgwedi tse tharo. Ya re ka Bajuta ba mo laletse, fa a re o ya kwa Siria ka mokoro, a fetoga maikaelelo, a potologa ka tsela ya Maketonia. O ne a patwa ke Sopatere, morwa Piro wa Berea, le Aristarego le Sekunto, e le ba Thesalonika, le Gayo wa Derebe, le Timotheo, le ba kwa Asia, e bong Tigiko le Terofimo. Bone ba ne ba fetetse kwa pele, mme ba re leta kwa Teroase. Mme rona ra tswa mo Filipi ka mokoro morago ga malatsi a Dinkgwe tse di sa bedisiwang, ra ba fitlhela kwa Teroase morago ga malatsi a matlhano, ra tlhola teng malatsi a supa. E rile ka letsatsi la ntlha la beke, fa re phuthegetse go nathoganya senkgwe, Paulo a bua nabo, a ikaeletse go tsoga a tsamaya; mme a rera nako e telele go fitlha gare ga bosigo. Ga bo go le dipone tse dintsi mo ntlong e e fa godimo, kwa re phuthegetseng teng. Jaanong lekau lengwe le leina la lone e leng Eutigo, le le ntseng mo fenstereng, la tshwarwa ke boroko jo bogolo, Paulo a sa ntse a buela pele; mme ka le fentswe ke boroko, la wela fa fatshe go tswa kwa ntlong ya boraro e e kwa godimo, la tsewa le sule. Mme Paulo a fologa, a mo wela godimo, a mo tlamparela a re: “Se tsoseng modumo; gonne mowa wa gagwe o sa le mo go ene.” A ba a tlhatloga, a nathoganya senkgwe, a ja, a bua nabo go le goleele go ya bosigo bo be bo se, ya baa gona a tlogang. Ba tsisa mosimane a phedile, ba be ba gomotsega thata. Jaanong rona re ne ra fetela kwa mokorong, ra ya kwa Aso ka ona, kwa re tla tsayang Paulo teng; gonne o ne a laetse jalo, ka a ratile go tsamaya ka dinao. E rile a kgatlhana le rona kwa Aso, ra mo pega mo mokorong, ra ya kwa Mitilene. Ra tswa teng ka mokoro, mme ka moso ra fitlha go lebagana le Gio, ka moso o mongwe ra fapogela kwa Samo, mme ya re re sena go tlhola mo Terogileo, ka moso o mongwe ra fitlha kwa Mileto. Gonne Paulo o ne a ikaeletse go feta Efeso ka mokoro gore a tle a se ka a diega mo Asia. O ne a itlhaganetse gore fa a ka kgona, a tle a nne kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekoste. Ya re a le kwa Mileto, a roma motho kwa Efeso go bitsa bagolo ba phuthego. Ya re ba sena go fitlha kwa go ene, a ba raya a re: “Lo itse ka fa ke ntseng le lona ka teng ka sebaka sotlhe, go tloga ka letsatsi la ntlha le ke tsileng mono Asia ka lone, ke direla Morena ka boikokobetso jotlhe, le ka dikeledi, le ka dithaelo tse di nkwetseng ka ditalelo tsa Bajuta, ka fa ke se kang ka tlhaetsa sepe se se molemo ka teng, ka lo bolelela, ka lo ruta mo ponatshegong le mo matlong; ka supa mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka ga tlhabologelo Modimong, le tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete. “Mme jaanong, bonang ke etela kwa Jerusalema, ke bofilwe mo moweng, ke sa itse tse di tla ntirafalelang teng, fa e se gore Mowa o o Boitshepo o ntshupetsa mo motseng mongwe le mongwe o re, dikgole le dipitlagano di nkemetse. Mme ga ke re sepe ka tsona, le bophelo jwa me ga ke bo kaye se segolo, fa nka swetsa fela tshiano ya me ka boitumelo, e bong tirelo e ke e amogetseng mo go Morena Jesu ya go supa Efangele ya bopelotlhomogi jwa Modimo. “Mme jaanong ke itse gore ga lo kitla lo tlhola lo bona sefatlhego sa me, lona lotlhe ba ke tsamaileng mo go lona, ke rera tsa puso ya Modimo. Ke ka moo ke supang mo go lona ka letsatsi la kajeno gore ga ke na molato mo tatlhegong ya ga ope; gonne ga ke a ka ka tlhaetsa sepe, mme ke lo boleletse maikaelelo a Modimo otlhe. Lo itise, lo be lo dise letsomane lotlhe le Mowa o o Boitshepo o lo beileng go nna baokamedi ba lone, gore lo fudise phuthego ya Modimo e o e itheketseng ka madi a ona. Gonne ke itse gore e tla re ke sena go tsamaya, go tsene mo go lona diphiri tse di setlhogo tse di sa rekegeleng letsomane. Le mo go lona ka losi go tla tsoga banna ba ba buang tse di sokameng gore ba fapose barutwa, ba sale bone morago. Ka moo, disang lo nne lo gakologelwe gore dinyaga di le tharo ga ke a ka ka khutla go kaela mongwe le mongwe bosigo le motshegare ka dikeledi. “Mme jaanong, bakaulengwe, ke lo neela mo Moreneng le mo Lefokong la bopelotlhomogi jwa gagwe yo o nonofileng go lo aga le go lo naya boswa mmogo le botlhe ba ba itshepisitsweng. Ga ke a ka ka eletsa selefera le fa e le gouta le fa e le diaparo tsa ga ope. Lo itse ka losi gore diatla tse, di ntiretse tsa bophelo le ba ba neng ba na le nna. Ke lo supeditse mo go tsotlhe gore ka go dira jalo re tshwanetse go thusa ba ba bokoa, le go gakologelwa Lefoko la Morena Jesu le a le buileng ka esi a re: ‘Go naya go na le lesego bogolo go go amogela.’ ” Ya re a sena go bua jalo, a khubama, a rapela nabo botlhe. Ga ba ga nna selelo se segolo mo go botlhe, ba wela mo molaleng wa ga Paulo, ba mo atla, ba hutsafadiwa bogolo ke lefoko le a le buileng a re, ga ba kitla ba tlhola ba bona sefatlhego sa gagwe. Mme ba mo felegetsa go fitlha kwa mokorong. E rile re sena go kgaogana nabo, ra tsamaya ka mokoro, ra tlhamalalela kwa Kose; ka moso ra ya kwa Roto, ra tswa teng, ra fitlha kwa Patara. Ra fitlhela mokoro o o kgabaganyetsang kwa Fenikia, ra o palama, ra tsamaya. Ya re re bona setlhakatlhake sa Kipero, ra se pota ka fa molemeng, ra fetela kwa Siria, ra goroga mo Tiro; gonne ke gona fa mokoro o neng o tla pagololwa morwalo teng. Ya re re bona barutwa, ra tlhola malatsi a a supang teng; mme bao ba bolelela Paulo ka Mowa gore a se ka a ya kwa Jerusalema. Ya re re sena go swetsa malatsi ao, ra tloga, ra tswelela, bone botlhe ba na le basadi le bana ba re buledisa, go ya re be re tswe mo motseng; ra khubama fa losing lwa lewatle, ra rapela. Jaanong ra dumedisanya, ra palama mokoro, bone ba boela kwa gae. Ya re re fetsa leeto la go tswa kwa Tiro, ra fitlha kwa Petolemai, ra dumedisa badumedi, ra tlhola nabo letsatsi le le lengwe fela. Ka moso ra tloga, ra ba ra fitlha kwa Kaisarea; teng ra tsena mo ntlong ya ga Filipo wa moefangele yo e neng e le mongwe wa ba supa, ra tlhola nae. Yoo a bo a na le bomorwadie ba le bane, e le makgarebe a a nang le neo ya boporofeti. Ya re re sena go nna teng malatsi a se kae, ga tla moporofeti mongwe, a tswa Jutea yo go tweng Agabo. A fitlha fa go rona, a tsaya moitlamo wa ga Paulo, a ipofa maoto le mabogo a re: “Mowa o o Boitshepo o bua jaana o re: ‘Mong wa moitlamo o, Bajuta ba tla mmofa jalo kwa Jerusalema, ba mo neela mo diatleng tsa baheitane.’ ” Ya re re utlwa jalo, ra mo rapela, rona le ba felo foo, gore a se ka a ya kwa Jerusalema. Foo Paulo a araba a re: “Lo dirang ka go lela, lo mphatlola pelo? Kana ke iketleeditse go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema, e seng go golegwa fela.” Mme ya re a gana go rapelesega, ra ineela ra re: “A thato ya Morena e dirafale!” Morago ga malatsi ao ra ipaakanya, ra ya kwa Jerusalema. Bangwe ba barutwa ba Kaisarea le bone ba ya le rona, ba re isa kwa go mongwe e bong Menasone wa Kipero, morutwa wa bogologolo, yo re yang go nna kwa ga gagwe. E rile re fitlha kwa Jerusalema, bakaulengwe ba re tshola ka boitumelo. Ka moso Paulo a ya le rona kwa go Jakobo; bagolo botlhe ba phuthegela teng. Ya re a sena go ba dumedisa, a ba bolelela sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng mo baheitaneng ka tirelo ya gagwe. Mme bone, ya re ba utlwa, ba galaletsa Modimo, ba mo raya ba re: “Mogarona, o a bona gore ke dikete tse di kana kang tsa Bajuta ba ba dumetseng; mme botlhe ba tlhoafaletse molao. Ba boleletswe ka ga gago ga twe: O ruta Bajuta botlhe ba ba mo go Baditšhaba gore ba hularele Moše, o a re, ba se rupise bana le e seng go tsamaya ka fa mekgweng ya segarona. Mme jaanong go ka tweng? Go tshwanetse ga nna pitso ya phuthego; kana ba tla utlwa gore o tsile. “Ka moo he, dira se re se go rayang. Re na le banna ba le bane ba ba nang le ikano; ba tsee, o itshekisiwe nabo, o ba duelele gore ba tle ba beolwe ditlhogo; mme botlhe ba tla itse gore tse ba di boleletsweng ka ga gago ga se tsona, mme le wena ka wesi o sepela o tshegeditse molao. Fa e le Baditšhaba ba ba dumetseng re ba kwaletse katlholo ya rona gore ba se ka ba tshegetsa sepe sa dilo tse, mme ba ikilele mo nameng ya ditlhabelo tsa medimo le mo mading le mo go tse di betilweng le mo boakeng fela.” Foo Paulo a tsaya banna bao; mme ya re ka moso a itshekisiwa nabo, a tsena mo Tempeleng, a bolela gore sebaka sa malatsi a boitshekiso se tla fela leng, a nna teng go ya mongwe le mongwe wa bone a be a isediwe setlhabelo. Jaanong e rile malatsi ao a supa a le gaufi le go fela, Bajuta ba ba tswang kwa Asia ba mmona mo Tempeleng, ba feretlha bontsi jotlhe, ba mo tshwara, ba kua ba re: “Banna ba Iseraele, thusang! Motho yo ke ene yo o rutang botlhe mo ntlheng tsotlhe ka mokgwa o o thulanang le morafe wa ga rona le molao le Felo fa; e bile o tlisitse Bagerika mo Tempeleng, a itshepolola Felo-fa-go-Boitshepo fa.” Ba re jalo ka gonne ba ne ba bonye Terofimo wa Efeso, a na le ene mo motseng, yo ba itlhomileng gore Paulo o mo isitse mo Tempeleng. Motse otlhe wa kgoberega, ga nna kgobokano ya batho; jaanong ba tshwara Paulo, ba mo swatolela kwa ntle ga Tempele; mme ka bonako mejako ya tswalwa. Ya re ba rata go mmolaya, molaodi wa mophato o o sekete a itsisiwe gore Jerusalema yotlhe o feretlhegile. A akofa a tsaya batlhabani le balaodi-ba-lekgolo, a tabogela kwa go bone. Mme ya re ba bona molaodi-wa-sekete le batlhabani, ba khutla go betsa Paulo. Foo molaodi-wa-sekete a atamela, a mo tshwara, a laola gore a golegwe ka dikeetane di le pedi; a ba a botsa gore ke mang, le gore o dirile eng. Mme bangwe mo bontsing ba kua se, ba bangwe se sele; ya re ka a retelelwa ke go lemoga tlhomamo ka ntlha ya pheretlhego, a laola gore a isiwe mo kagong ya batlhabani. Ya re a fitlha fa mapalamong, a rwalwa ke batlhabani ka ntlha ya bogale jwa batho. Gonne bontsi jwa morafe bo ne bo ba setse morago, bo kua bo re: “A a bolawe!” Ya re fa Paulo a tla isiwa mo kagong ya batlhabani, a raya molaodi-wa-sekete a re: “A nka bua sengwe nao!” Ene a araba a re: “A o itse Segerika? A ga se wena Moegepeto yo maloba o tsositseng pheretlhego, wa gogela babolai ba ba dikete tse nne kwa sekakeng?” Paulo a araba a re: “Ke Mojuta wa kwa Tareso wa Kilekia, moagi wa motse o o itsegeng; ke a go rapela, ntetlelele go bua le batho.” Ya re a sena go mo letlelela, Paulo a ema mo mapalamong, a boka batho ka letsogo; mme ya re go sena go nna tidimalo e kgolo, a bua nabo ka Sehebere a re: “Ba ga etsho le borra, utlwang boikarabelo jwa me mo go lona.” Ya re ba utlwa gore o bua nabo ka Sehebere, ba didimala bogolo; mme a tswelela pele a re: “Nna ke monna wa Mojuta, ke tsaletswe kwa Tareso wa Kilekia, mme ka godisediwa mo motseng ono, ka rutwa molao wa borraetsho fa dinaong tsa ga Gamaliele ka tlhokomelo e kgolo, ke le yo o tlhoafalelang Modimo jaaka lona lotlhe lo dira gompieno. Ka bogisa Tsela e ya bokeresete go isa losong, ka golega banna le basadi, ka ba tsenya mo matlong a kgolegelo, jaaka le ene moperesiti yo mogolo le lesomo lotlhe la bagolo ba ka supa ka ga me. Ke bile ka tsaya dikwalo mo go bone tse di yang kwa go ba ga etsho ba Damaseko, ka etela teng gore le ba ba teng ke ba golege, ke ba tsise kwano Jerusalema, ba tle ba fiwe petso. “Jaanong ya re ke ntse ke tsamaya, ke atametse Damaseko, go le motshegare, lesedi le legolo le le tswang legodimong le phatsima tikologong ya me ka tshoganyetso, ka wela fa fatshe, ka utlwa lentswe le nthaya le re: ‘Saule, Saule, o mpogisetsang?’ Ka araba ka re: ‘Morena, o mang?’ A nthaya a re: ‘Ke nna Jesu wa Nasaretha yo ò mmogisang.’ Mme ba ba neng ba na le nna ba bona lesedi, ba boifa, fela ba se ka ba utlwa lentswe la yo o buang le nna. Ka ba ka re: ‘Morena, ke direng?’ Morena a nthaya a re: ‘Nanoga o tsene mo Damaseko, teng o tla bolelelwa tsotlhe tse o laotsweng go di dira.’ Mme ka ke ne ke sa bone ka ntlha ya kgalalelo ya lesedi leo, ka gogwa ka letsogo ke ba ba neng ba na le nna, ka fitlha kwa Damaseko. “Mme Anania mongwe, monna yo o boifang Modimo ka fa molaong, yo o neng a na le tumo e e molemo mo Bajuteng botlhe ba ba agileng teng, a tla kwa go nna, a ema teng, a nthaya a re: ‘Saule, mokaulengwe, boa o bone!’ Ka foufologa e sa le ka nako eo, ka mmona. A ba a re: ‘Modimo wa borraetsho o go itlhaoletse pele gore o itse thato ya ona, le go bona Mosiami le go utlwa lentswe le le tswang mo molomong wa gagwe; gonne o tla nna mosupi wa gagwe mo bathong botlhe, o supa tse o di bonyeng le tse o di utlwileng. Jaanong o diegelang? Nanoga o kolobediwe, o be o tlhapisiwe dibe tsa gago o ntse o bitsa leina la gagwe!’ “E rile ke boetse kwano Jerusalema, ke rapela mo Tempeleng, ka wela mo tshiramong ya pelo, ka mmona, a nthaya a re: ‘Itlhaganele o tswe mo Jerusalema ka bonako; gonne ga ba nke ba tshola tshupo ya gago ka ga me.’ Nna ka bua ka re: ‘Morena, ba itse ka bosi gore ba ba dumetseng mo go wena ke ba tsentse mo kgolegong, ka ba betsa mo disenagogeng; le gona e rile madi a ga Setefane, mosupi wa gago, a tshololwa, le nna ka nosi ka bo ke eme teng, ke dumelelana le go bolawa ga gagwe, ke disitse dikobo tsa ba ba mmolayang.’ Mme a nthaya a re: ‘Tloga o tsamae; gonne ke tla go romela kwa kgakala kwa baheitaneng.’ ” Ba nna ba mo reetsa go fitlha mo lefokong le; ya baa gona ba tsholetsang mantswe ba re: “A yo o ntseng jaana a tlosiwe mo lefatsheng; gonne ga go a tshwanela gore a phele!” Ya re ba ntse ba kua, ba latlha dikobo, ba kubuela lorole kwa godimo, molaodi-wa-sekete a laola gore a isiwe mo kagong ya batlhabani, a re, a botsolodiwe ka dithupa, a tle a lemoge gore ke ka ntlha ya eng, fa ba mo kuelela jalo. Jaanong ya re ba mo ngamola ka dikgole, Paulo a raya molaodi-wa-lekgolo yo o emeng teng a re: “A lo letleletswe go seola motho yo e leng Moroma, a bile a ise a atlholwe?” Ya re molaodi-wa-lekgolo a sena go utlwa, a ya kwa molaoding-wa-sekete, a mo raya a re: “O tla reng? Motho yo ke Moroma.” Ga tla molaodi-wa-sekete, a mmotsa a re: “Mpolelele, a o Moroma?” Ene a re: “Ee.” Molaodi-wa-sekete a mo fetola a re: “Boroma joo ke bo rekile ka madi a mantsi.” Paulo ene a re: “Mme nna ke tsetswe ke le Moroma.” Ya baa gona ba ba neng ba re ba a mmotsolotsa ba akofang ba tloga fa go ene; molaodi-wa-sekete le ene a boifa, a sena go utlwa gore ke Moroma, ka a mo golegile. Ya re ka moso, ka molaodi a rata go itse ka tlhomamo se Bajuta ba mmonang molato ka sona, a mmofolola dikgolego; a ba a laola gore baperesiti ba bagolo le lekgotla le legolo lotlhe ba phuthege; a folosa Paulo, a mmaya fa pele ga bone. Jaanong Paulo a tlhoma matlho mo lekgotleng le legolo, a ba raya a re: “Banna ba ga etsho, ke phedile ka segakolodi se se molemo fa pele ga Modimo go fitlhela letsatsing leno.” Foo Anania, moperesiti yo mogolo, a laola ba ba emeng fa go ene gore ba mo itee molomo. Paulo a mo raya a re: “Modimo o tla go betsa, lomota lo lo takilweng ke wena! O a re, o nkatlhola ka fa molaong; mme a o laola gore ke itewe, mme e se ka molao?” Ba ba emeng teng ba re: “A o kgala moperesiti yo mogolo wa Modimo?” Paulo a re: “Ba ga etsho, ke ne ke sa itse gore ke moperesiti yo mogolo; kana go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa hutsa molaodi wa morafe wa ga eno.’ ” Ya re Paulo a lemoga gore bangwe ba bone ke Basadukai, mme ba bangwe ke Bafarisai, a kua mo lekgotleng a re: “Banna ba ga etsho, ke Mofarisai le ngwana wa Bafarisai; ke ka ntlha ya tsholofelo, e bong tsogo ya baswi, fa ke sekisiwa.” Ya re a sena go bua jalo, ga tsoga kgang fa gare ga Bafarisai le Basadukai; lekgotla la ba la kgaogana. Gonne Basadukai ba re, ga go na tsogo ya baswi le e seng moengele gongwe mowa; mme Bafarisai ba di dumela tsotlhe. Ga ba ga tsoga modumo o mogolo; mme bangwe ba Baitsedikwalo ba lesomo la Bafarisai ba nanoga, ba mo emela ba re: “Ga re bone bosula bope mo mothong yo; mme fa mowa gongwe moengele a buile nae, re ka palelwa ke go lwantsha Modimo!” Ya re kgang e gola, molaodi-wa-sekete a boifa gore Paulo o tla gagolwa ke bone; a ba a laola gore mophato o fologe, o mo tsee ka thata mo go bone, o mmusetse kwa kagong ya batlhabani. Mo bosigong joo Morena a ema fa go ene, a mo raya a re: “Nametsega, Paulo; gonne o tshwanetse go supa le kwa Roma, jaaka o supile ka ga me mo Jerusalema.” E rile bo sena go sa, Bajuta ba dira kgolagano, ba ikana ka khutso gore ga ba kitla ba ja le e seng go nwa, ba ise ba bolae Paulo. Ba ba dumalanyeng ka ikano eo ba ne ba feta 40. Bone bao ba ya kwa baperesiting ba bagolo le bagolong ba morafe, ba ba raya ba re: “Re ikanne ka khutso gore ga re kitla re isa sepe ganong, re ise re bolae Paulo. Jaanong he, lona le ba lekgotla le legolo, kopang molaodi-wa-sekete gore a mo folosetse kwano go lona, jaaka e kete lo rata go tlhotlhomisa ka ga gagwe ka tlhokomelo e kgolo; mme rona re ipaakantse go mmolaya, a ise a fitlhe.” Mme motlogolo wa ga Paulo a utlwela talelo eo, a ya, a tsena mo kagong ya batlhabani, a bolelela Paulo. Paulo a bitsa mongwe wa balaodi-ba-lekgolo, a mo raya a re: “Isa lekau le kwa molaoding-wa-sekete; gonne o na le sengwe go se mmegela.” Ke fa a le tsaya, a le isa kwa molaoding-wa-sekete, a mo raya a re: “Paulo wa mogolegwi o mpiditse, a nkopa gore ke tsise lekau le kwano go wena; le na le sengwe go se go bolelela.” Molaodi-wa-sekete a le tshwara letsogo, a le gogela fa thoko, a le botsa ka sephiri a re: “Ke eng se o nang le go se mpolelela?” Ene a re: “Bajuta ba dumalanye go go kopa gore e re kamoso o folosetse Paulo kwa lekgotleng le legolo, jaaka e kete ba rata go botsolotsa ka ga gagwe ka tlhokomelo e kgolo. “O se ka wa ba utlwa; gonne o laletswe ke banna ba ba fetang 40 ba bone, ba ikanne ka khutso gore ga ba kitla ba ja le e seng go nwa, ba ise ba mmolae; mme jaanong ba ipaakantse, ba letile tumelelo ya gago.” Ke fa molaodi-wa-sekete a rebola lekau gore le tsamae, a le laya a re: “O se ka wa bolelela ope gore o ntshebetse dilo tseo.” Jaanong a bitsa balaodi-ba-lekgolo ba le babedi, a ba raya a re: “Baakanyang batlhabani ba le 200, ba ye kwa Kaisarea, le bapalami ba dipitse ba le 70, le ba marumo ba le 200, ba tloge ka nako ya robongwe bosigo; gape ba baakanye dipelesa gore ba palamise Paulo mo go tsona, ba mo ise kwa go molaodi yo mogolo Felekise a phologile sentle.” A ba a kwala lokwalo a re: “Nna Kelaudio Lisia ke dumedisa Felekise, molaodi yo o tlotlegang segolo, ka re: Monna yoo o ne a tshwerwe ke Bajuta, ba batla go mmolaya. Mme ka ya teng le mophato, ka mo golola, ka ke lemogile gore ke Moroma. Jaanong ka ke ne ke rata go itse se ba mo latofatsang ka sona, ka mo isa kwa lekgotleng le legolo la bone; ka fitlhela a bewa molato ka ntlha ya dikgang dingwe tsa molao wa bone; mme a se na molato ope o o tshwanetseng loso, le e seng kgolego. E rile ke sena go sebelwa gore monna yoo o tla lalelwa, ka akofa ka mo romela koo go wena, ka ba ka laela balatofatsi ba gagwe gore se ba nang naso ka ga gagwe ba se bue fa pele ga gago. Sala sentle.” Jaanong batlhabani ba tsaya Paulo ka fa ba laetsweng ka teng; ba mo isa kwa Antipateri bosigo. Ya re ka moso ba tlogela bapalami ba dipitse gore ba tswelele nae; mme ba dinao ba boela kwa kagong ya batlhabani. Ya re ba sena go fitlha kwa Kaisarea, ba neela molaodi yo mogolo lokwalo, le Paulo ba mmaya fa pele ga gagwe. Ya re a sena go lo buisa, a botsa gore ke wa karolo efe ya puso ya Roma; ya re a utlwa gore ke wa Kilekia, a re: “Ke tla utlwa sentle kgang ya gago, balatofatsi ba gago le bone ba sena go tla.” A ba a laola gore a disiwe a le mo ntlong ya ga Herote ya bogosi. E rile morago ga malatsi a le matlhano Anania, moperesiti yo mogolo, a tla le bagolo ba morafe bangwe le mmueledi mongwe, e bong Teretulo, ba begela molaodi yo mogolo Paulo. Ya re Paulo a sena go bidiwa, Teretulo a simolola go mo latofatsa a re: “E re ka re bona kagiso e kgolo ka wena, le ka morafe ono o direlwa ditlhabololo ka tlamelo ya gago ka mekgwa yotlhe le mo ntlheng tsotlhe, re amogela gona ka tebogo yotlhe, wena Felekise yo o tlotlegang segolo. Mme fela, ka ke sa rate go go dia, ke go rapela gore o re reetse go se kae ka bopelonomi jwa gago. Re fitlhetse monna yo a le botlhole, a feretlha mo Bajuteng botlhe mo lefatsheng lotlhe; e bile ke moeteledi pele wa setlhopha sa maitirelo sa Banasaretha. O bile o lekile go itshepolola Tempele; mme ra mo tshwara, ra rata go mo atlhola ka fa molaong wa rona. Mme Lisia, molaodi-wa-sekete, a tla, a mo ubula ka thata e kgolo mo diatleng tsa rona, a laela balatofatsi ba gagwe gore ba tle fa pele ga gago. O tla kgona go tlhaloganya dilo tsotlhe tse re mmayang molato ka tsona, fa o ka mmotsolotsa ka wesi.” Bajuta le bone ba mo tlatsa, ba tlhomamisa gore go ntse jalo. Ya re molaodi yo mogolo a sena go mo gwetlha gore a bue, Paulo a araba a re: “E re ka ke itse gore e setse e le dinyaga tse dintsi o ntse o le moatlhodi wa morafe o, ke ikarabela ka phuthologo ntlheng ya tse di ntebanyeng; o ka lemoga gore fa ke sena go ya kwa Jerusalema go obamela, ga go ise go fete malatsi a le 12; mme ga ba ise ba mphitlhele ke ganetsanya le ope mo Tempeleng, gongwe ke dira khuduego mo bontsing le e seng mo disenagogeng gongwe mo motseng. Le gona ga ba ka ke ba go tlhomamisetsa sepe ka ga dilo tse ba ntatofatsang ka tsona jaanong. “Mme ke go ipobolela gore ka nnete ke direla Modimo wa borraetsho ka fa Tseleng e ba reng ke ya setlhopha sa maitirelo, ke ntse ke dumela tsotlhe tse di utlwanang le molao le tse di kwadilweng mo baporofeting, ke na le tsholofelo mo Modimong ya se le bone ba se lebelelang gore go tla nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi. Ke bile ke ntse ke itlwaetsa go nna le segakolodi se se se nang molato ka gale mo Modimong le mo bathong. “Mme morago ga dinyaga di se kae ka tla go tsisetsa morafe wa ga etsho dikatso le go isa ditshupelo. Ya re ke di isa, Bajuta bangwe ba kwa Asia ba mphitlhela mo Tempeleng ke itshekisitswe, go se na bontsi jwa batho le e seng modumo; ke bone ba ba ka bong ba le fano fa pele ga gago ba supa molato, fa ba o bona mo go nna. Gongwe a bone ba ka bosi ba bolele tshiamololo e ba e bonyeng mo go nna, fa ke ne ka ema fa pele ga lekgotla le legolo la bone. Kampo ba mpona molato ka ntlha ya lefoko le le lengwe lele le ke le kuileng ke eme mo gare ga bone ka re: ‘Ke sekisiwa kajeno ke lona ka ntlha ya tsogo ya baswi.’ ” Mme Felekise, e re ka a ne a itse tse dintsi tsa Tsela ya bokeresete, a busetsa kgang kwa morago a re: “E tla re Lisia, molaodi-wa-sekete, a sena go tla, ke atlhole kgang ya lona.” Jaanong a laela molaodi-wa-lekgolo gore a mo dise, mme a se ka a tshwenngwa; go se thibelwe ope wa ba ga gabo go mo direla gongwe go mo etela. E rile morago ga malatsi mangwe Felekise a tla le Durusila, mohumagadi wa gagwe wa Mojuta; a bitsa Paulo, a mo reetsa, a bolela ka ga tumelo ya go dumela mo go Keresete Jesu. Mme ya re a ntse a bua ka ga tshiamo le ka ga boitshwaro le ka ga katlholo e e tlang, Felekise a tshoga, a ba a mo araba a re: “Gompieno o ka tsamaya; e tla re ke sena go bona nako, ke go bitse.” E bile o ne a solofetse gore o tla newa madi ke Paulo gore a mo golole; ke ka moo a mmiditseng gangwe le gape, a buisanya nae. E rile dinyaga tse pedi di sena go feta, Porekio Feseto a tsena mo boemong jwa ga Felekise; mme ya re ka Felekise a ne a rata go kgatlha Bajuta, a tsamaya, a sa golola Paulo. Jaanong e rile Feseto a sena go fitlha mo karolong eo ya puso, a tloga kwa Kaisarea morago ga malatsi a mararo, a ya kwa Jerusalema. Foo baperesiti ba bagolo le batlotlegi ba Bajuta ba mmegela molato wa ga Paulo, ba mo emelela, ba kopa gore a ba itumedise kgatlhanong le ene ka go mmiletsa kwa Jerusalema; fela bone ba ne ba mo laletse go tla mmolaela mo tseleng. Jaanong Feseto a fetola a re: “Paulo o disitswe kwa Kaisarea; le nna ka nosi ke tla tloga ke boela teng.” A ba a re: “Jaanong a ba ba nang le thata mo go lona ba tsamae le nna; e tle e re fa go na le tshokamo nngwe mo monneng yoo, ba e supe.” Ya re a sena go tlhola nabo malatsi a a nnang robedi gongwe some, a boela kwa Kaisarea. Ka moso a nna mo sedulong sa katlholo, a laela gore Paulo a tsisiwe. Ya re a sena go tla, Bajuta ba ba tswang kwa Jerusalema ba mo dikanyetsa, ba mmaya melato e mentsi e megolo e ba sa ka keng ba e supa. Paulo ene a ikarabela a re: “Ga ke a leofela molao wa Bajuta le e seng Tempele le e seng Kaisara.” Mme Feseto, ya re ka a rata go kgatlha Bajuta, a botsa Paulo a re: “A o rata go ya kwa Jerusalema go atlholwa teng fa pele ga me ka ga dilo tse?” Ke fa Paulo a re: “Ke eme fa pele ga sedulo sa katlholo sa Kaisara, fa ke tshwanetseng go atlholwa teng; Bajuta ga ke a ba siamololela ka sepe jaaka le wena o itse sentle. Jaanong fa ke siamolotse, ke dirile sengwe se se tshwanetseng loso, ga ke gane go swa; mme fa go se na nnete mo go tse ba ntatofatsang ka tsona, ga go ope yo o tshwanetseng go nneela mo thateng ya bone. Ke ipiletsa Kaisara.” Feseto, fa a sena go gakololana le ba lekgotla, a mo araba a re: “O ipileditse Kaisara, o tla ya kwa go Kaisara.” E rile malatsi mangwe a sena go feta, kgosi Ageripa le Berenike ba fitlha mo Kaisarea gore ba dumedise Feseto. Ya re ba sena go nna teng malatsinyana, Feseto a bolelela kgosi kgang ya ga Paulo a re: “Go na le monna mongwe mono yo Felekise a mo tlogetseng, a golegilwe. E rile ke le kwa Jerusalema, baperesiti ba bagolo le bagolo ba Bajuta ba mpegela molato wa gagwe, ba batla gore a atlholwe. Mme ka ba araba ka re, ga se mokgwa wa Baroma go neela motho ope mo petsong, fa yo o latofadiwang a ise a lebagane le ba ba mmayang molato, gore a nne le go ka ikarabela ka ga molato o a o bewang. Jaanong ya re ba sena go phuthega mono, ka se ka ka diega; ka moso ka nna mo sedulong sa katlholo, ka laela gore monna yoo a tlisiwe. Mme ya re ba ba mo latofatsang ba ema, ba se ka ba supa molato ope wa tse di bosula, tse ke neng ke di gopotse; mme ba bo ba na le dikganetsanyo dingwe nae ka ga tumelo ya bone le ka ga mongwe yo o bidiwang Jesu yo o suleng, yo Paulo o tlhomamisang gore o a phela. Nna ya re ka ke akabadiwa ke go tlhotlhomisa dilo tse, ka mmotsa fa a rata go ya kwa Jerusalema le go atlholwa teng ka ga dilo tse. Mme ya re Paulo a sena go rapela gore a nne mo kgolegong, a lete katlholo ya Kaisara, ka laela gore a disiwe go ya ke be ke mo romele kwa go Kaisara.” Jaanong Ageripa a raya Feseto a re: “Le nna ke rata go utlwa motho yoo.” Ene a re: “O tla mo utlwa kamoso.” Kamoso Ageripa a tla le Berenike ka tlotlomalo e kgolo, ba tsena mo ntlong ya lekgotla le balaodi-ba-sekete le banna ba ba tlotlegang ba motse. Ke fa Paulo a tsisiwa ka taelo ya ga Feseto. Feseto a bua a re: “Kgosi Ageripa le banna botlhe, ba lo nnang le rona fano, lo a mmona, yo bontsi jotlhe jwa Bajuta ba nthapetseng ka ga gagwe kwa Jerusalema le mono, ba kua ba re: ‘Ga a tlhole a tshwanela go phela.’ Mme nna ka fitlhela a sa dira sepe se se tshwanetseng loso; mme e re ka ene ka esi a ipileditse Kaisara, ka atlhola go mo romela teng. Mme fela, ga ke na sepe sa tlhomamo se nka se kwalelang morena ka ga gagwe. Ke ka moo ke mo tlisitseng fa pele ga lona, bogolo fa pele ga gago, kgosi Ageripa, gore e tle e re morago ga potsolotso ke nne le sengwe se nka se kwalang; gonne mo go nna ke bosilo, fa go ka romelwa mogolegwi, mme go sa bolelwe melato e a e bewang.” Jaanong Ageripa a raya Paulo a re: “O letleletswe go ipuelela.” Paulo a tsholetsa letsogo, a ikarabela a re: “Ke ikaya ke le sego, kgosi Ageripa, ka ke tshwanetse go ikarabela fa pele ga gago kajeno ka ga dilo tsotlhe tse ke latofadiwang ke Bajuta ka tsona; bogolo ka o na le kitso ka ga mekgwa le dikgang tsotlhe tse di mo Bajuteng; ke ka moo ke go rapelang gore o ntheetse ka bopelotelele. “Jaanong fa e le tsa bophelo jwa me go tloga bošweng jwa me jo ke bo phedileng go tswa tshimologong mo morafeng wa ga etsho le mo Jerusalema, Bajuta botlhe ba a di itse, ka ba sa le ba nkitse go tloga tshimologong; fa ba rata, ba ka bo ba supa gore ke phedile ke le Mofarisai mo lesomong le le nang le molao o o gagametseng thata la tumelo ya rona. Mme jaanong ke eme fano go sekisiwa ka ntlha ya go solofela se Modimo o se solofeditseng borraetsho; se ditso tsa rona tse di 12 di solofelang go se bona ka go direla Modimo ka tlhoafalo bosigo le motshegare. Mme kgosi, ke latofadiwa ke Bajuta ka ntlha ya tsholofelo eo. Ke ka ntlhaang, fa mo go lona go kaiwa go twe, ga go dumelesege gore Modimo o tsosa baswi? “Fa e le nna, ke ne ke itheile ka re, ke tshwanetse go dira dilo tse dintsi tsa go lwantsha leina la ga Jesu wa Nasaretha. Ke bile ke dirile jalo mo Jerusalema, ka tswalela baitshepi ba bantsi mo matlong a kgolegelo, ke sena go amogela thata mo baperesiting ba bagolo; e ne ya re ba bolawa, ke dumele. Ke ne ke ba betsa gantsi mo disenagogeng tsotlhe, ke ba pateletsa go kgala, mme ya re ka ke ba gakaletse mo go fetisang, ka ba ka ba bogisa le kwa metseng e e ka kwa ntle. “E rile ke ya kwa Damaseko go dira jalo ka thata le tetlelelo ya baperesiti ba bagolo, foo, kgosi, motshegare, ke le mo tseleng, ka bona lesedi le le tswang legodimong, le gaisa kgalalelo ya letsatsi, le phatsima tikologong ya me le ya ba ba tsamayang le nna. Ya re re wetse rotlhe fa fatshe, ka utlwa lentswe le nthaya ka puo ya Sehebere le re: ‘Saule, Saule, o mpogisetsang? Go thata mo go wena go raga ditlhabi tsa lešwane.’ Nna ka fetola ka re: ‘Morena, o mang?’ Morena a re: ‘Ke nna Jesu yo ò mpogisang. Jaanong tsoga o eme ka dinao; gonne maikaelelo a ke go bonaletseng ka ona ke gore ke go dire modiredi le mosupi wa dilo tse o mponyeng ka tsona, le wa tse ke tla bonalang mo go wena ka tsona. Ke tla go golola mo Bajuteng le mo baheitaneng ba ke go romang kwa go bone, go ba budulola matlho gore ba sokologe, ba tswe mo lefifing, ba tsene leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba ineele Modimo, gore ba amogele boitshwarelo jwa dibe le boswa mmogo le ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’ “Kgosi Ageripa, ke ka ntlha ya moo ke sa ganang go utlwa pono eo ya legodimo; mme ke ne ke rerela ba ba mo Damaseko pele, ke bile ke bolelela le ba ba kwa Jerusalema le ba naga yotlhe ya Jutea le Baditšhaba gore ba fetoge pelo, ba sokologele Modimong; ba dire ditiro tse di tshwanetseng boikwatlhao. Ke ka ntlha ya tseo, fa Bajuta ba ntshwere mo Tempeleng, ba leka go mpolaya. Jaanong ka ke bonye thuso mo Modimong, ke eme go fitlhela letsatsing le, ke supetsa bannye le bagolo, ke sa bue sepe, fa e se tse baporofeti le Moše ba rileng, di tla dirafala, ba re, Keresete o tshwanetse go boga le go nna wa ntlha mo tsogong ya baswi gore a tle a rerele Baiseraele le Baditšhaba lesedi.” Ya re a ntse a ikarabela jalo, Feseto a bua ka lentswe le legolo a re: “Paulo, o a tsenwa! Thutego e kgolo e go dira setsenwa.” Paulo a fetola a re: “Feseto, motlotlegi yo mogolo, ga ke tsenwe, ke bua mafoko a boammaaruri le a tlhaloganyo. Kana kgosi e itse dilo tseo; e bile ke bua ka bopelokgale fa pele ga yona; gonne ga ke dumele gore sengwe sa dilo tseo se e fitlhegetse; gonne ga di a ka tsa direlwa mo sephiring. Kgosi Ageripa, a o dumela baporofeti? Ke itse gore o a ba dumela.” Mme Ageripa a raya Paulo a re: “O gaufi le go nkgona go ntira Mokeresete.” Paulo a mo fetola a re: “Le fa go le gaufi gongwe kgakala, ke rapela Modimo gore e se nne wena fela, mme le botlhe ba ba nkutlwang gompieno ba tshwane le nna, ke sa ree dikgole tse.” Jaanong kgosi ya nanoga le molaodi yo mogolo le Berenike le ba ba ntseng nabo; ba emela fa thoko, ba bua mmogo ba re: “Motho yo ga a a dira sepe se se tshwanetseng loso, le e seng dikgolego.” Ageripa a raya Feseto a re: “Motho yo, o ka bo a gololwa, fa a ka bo a sa ipiletsa Kaisara.” E rile leeto la rona la go isiwa kwa Italia ka mokoro le sena go rulaganngwa, Paulo le bagolegwi ba bangwe ba neelwa mo thateng ya molaodi mongwe wa lekgolo yo leina la gagwe e leng Juleo, wa mophato wa Kaisara. Ra palama mokoro mongwe wa Ateramite o o neng o ya kwa mafelong a Asia a a ikamileng lewatle. Ra tsamaya re na le Aristarego wa kwa Thesalonika mo nageng ya Maketonia. Ya re ka moso ra fitlha kwa Sitone. Mme Juleo a direla Paulo ka bopelontle, a mo letlelela go ya kwa ditsaleng tsa gagwe gore a bone tlamelo. Ya re re tloga teng, ra tsamaya re ikamile Kipero; ka gonne diphefo di ne di lebaganye le rona. Fa re sena go kgabaganya lewatle le le bapileng le Kilekia le Pamefilia, ra fitlha kwa Mira wa Lekia. Teng molaodi-wa-lekgolo a fitlhela mokoro wa Aleksanteria o o yang kwa Italia; a ba a re palamisa mo go ona. Ya re re sena go tsamaya ka bonya malatsi a se kae, ra fitlha go lebagana le Kenito ka bothata; e re ka phefo e ne e re thibela, ra tsamaya re ikamile Kereta go lebagana le Salemone; ra tsamaya ka bothata, re ntse re ikamile losi, ra ba ra fitlha felong gongwe fa go bidiwang Magorogelo-mantle, gaufi le motse wa Lasea. E re ka sebaka se seleelenyana se ne se fetile le go eta mo lewatleng go setse go tshabega, ka malatsi a go itima dijo le ona a setse a fetile, Paulo a ba gakolola a re: “Banna, ke lemoga gore leeto le tla nna le tlalelo le tshenyegelo e kgolo, e seng fela ya morwalo le ya mokoro, mme le yona ya maphelo a rona.” Mme molaodi-wa-lekgolo a utlwa motsamaisi wa mokoro le mong wa ona bogolo go tse di buiwang ke Paulo. Ya re ka magorogelo a sa siamela go nnela mariga teng, bontsi jwa banna jwa gakolola gore ba tswe teng, e tle e re fa go kgonega, ba fitlhe kwa Fenikise yo e leng magorogelo a Kereta a a lebileng kwa botsheka jwa borwa le jwa bokone ntlheng ya bophirimatsatsi, ba nnele mariga teng. Jaanong e rile phefonyana ya borwa e foka, ba ithaya ba re, ba ka dirafatsa maikaelelo a bone, ba somola dikgoge, ba tsamaya, ba bapile le Kereta. Mme morago ga sebakanyana ga fologa ledimo teng le le tswang kwa botsheka jwa botlhabatsatsi le bokone. Ya re ka mokoro o tsewa ke phefo, o retelelwa ke go lebagana nayo, ra ineela, ra kgweediwa. Ra feta re ikamile setlhakenyana sengwe se se bidiwang Kelauta, ra batla go palelwa ke go tshegetsa mokorwana. Ya re ba sena go o pega mo mokorong, ba tiisa mokoro ka go o bofa kwa tlase ka dithapo; mme ka ba boifa gore ba tla kgaramelediwa kwa Siretise, ba folosa diseile, ba kgweediwa fela jalo. Ya re ka moso re pitlaganngwa thata ke ledimo, ba latlhela dithoto dingwe mo lewatleng. Mme ka letsatsi la boraro ra latlhela didiri tsa mokoro mo lewatleng ka diatla. Ya re ka letsatsi le dinaledi di ntse di sa bonale ka malatsi a le mantsi, e bile re pitlagantswe ke ledimo le legolo, la bofelo tsholofelo yotlhe ya nyelela ya gore re ka phologa. Ga feta sebaka se seleele go sa jewe; ke fa Paulo a ema mo gare ga bone, a ba raya a re: “Banna, fa lo ka bo lo ntheeditse, lwa se ka lwa tloga mo Kereta, lo ka bo lo sa bone tlalelo e le tshenyegelo e. Mme jaanong ke lo kgothatsa gore lo namatshege; gonne ga go nke go senyega bophelo jwa ga ope mo go lona, fa e se mokoro o le osi fela. Gonne moengele wa Modimo o ke leng wa ona, o ke bileng ke o direla, o letse a eme fa go nna, a nthaya a re: ‘Paulo, se boife! O tshwanetse go ema fa pele ga Kaisara; mme itse gore Modimo o tla pholosa botlhe ka ntlha ya gago ba ba etang nao mo mokorong.’ Ka moo he, banna, namatshegang; gonne ke dumela Modimo gore go tla nna fela jaaka ke boleletswe. Mme fela re na le go kgaramelediwa kwa setlhakeng sengwe.” E rile e le bosigo jwa 14 re ntse re kgarakgatshiwa mo lewatleng la Ateria, e ne e ka nna gare ga bosigo, badiri-mokorong ba lemoga gore ba atamela lefatshe lengwe. Ba lekanya boteng, ba fitlhela e le dikgato di le 40; fa ba sena go tswelela kwa pelenyana, ba fitlhela e le dikgato di le 30. Jaanong ka ba boifa gore gongwe re ka thula mafika, ba digela dikgoge di le nne ka kwa morago ga mokoro; ba be ba eletsa gore bo se. Mme ya re badiri-mokorong ba rata go ngwega mo go ona, e bile ba setse ba foloseditse mokorwana mo lewatleng ka go ipata ba re, ba ya go digela dikgoge le ka kwa pele ga mokoro, Paulo a raya molaodi-wa-lekgolo le batlhabani a re: “Fa ba, ba ka tlogela mokoro, ga lo ka ke lwa phologa.” Ya baa gona batlhabani ba kgaolang megala ya mokorwana, ba o lesa wa ya. Ya re bo batla go sa, Paulo a nametsa botlhe gore ba je, a re: “Gompieno ke letsatsi la 14 lo ntse lo lebeletse, lo itimile dijo, lo sa je sepe. Ke ka moo ke lo kgothatsang gore lo je; gonne go tla lo thusa go ka falola; kana ga go kitla go latlhega thiri ya ga ope wa lona mo tlhogong.” Ya re a sena go bua jalo, a tsaya senkgwe, a leboga Modimo fa pele ga botlhe, a se nathoganya, a simolola go ja. Jaanong ba namatshega botlhe; le bone ba a ja. Rona rotlhe mo mokorong re ne re le batho ba ba 276. Fa ba sena go kgora, ba imolola mokoro ka go tshololela mabele mo lewatleng. Fa bo sena go sa, ba se ka ba bona lefatshe sentle, mme ba lemoga segoro sengwe se se nang le losi lwa motlhaba; jaanong ba ikaelela go kgweeletsa mokoro kwa go sona, fa ba ka kgona. Ba kgaola dikgoge, ba di tlogela mo lewatleng, ba be ba funolola megala ya dipati tse di sokololang mokoro; ya re ba sena go tsholeletsa seile e e kwa pele kwa phefong, ba leba kwa losing. Mme ya re ka ba fitlha mo thotaneng ya motlhaba e e kgaoganyang metsi, ba tsenya mokoro teng; sehuba sa ona sa tlhaba, sa tsepama; marago ona a thujwa ke thata ya maphoto. Jaanong batlhabani ba ne ba ikemisetsa go bolaya bagolegwi, e se re gongwe bangwe ba šapela kwa lefatsheng, ba ngwega. Ya re ka molaodi-wa-lekgolo a rata go boloka Paulo, a ba kganela go dirafatsa maikaelelo ao; a ba a laola gore ba ba itseng go šapa, ba itatlhele pele mo lewatleng gore ba fitlhe kwa lefatsheng, mme ba ba setseng ba ithuse, bangwe ka dipati, ba bangwe ka dilo tse dingwe tsa mokoro. Botlhe ba falolela jalo kwa lefatsheng. E rile re sena go phologa, ra utlwa go twe, setlhake seo se bidiwa Maleta. Batho ba teng ba re direla ka botsalano jo bogolo; ba ne ba re gotsetsa molelo, ba re tshola rotlhe ka ntlha ya pula e e neng e na le ka ntlha ya serame. Jaanong ya re Paulo a sena go rwalela ngata ya dikgong le go di baya mo molelong, ga tswa noga, e ntshitswe ke bolelo, ya mo palama letsogo. Fa batho ba teng ba bona noga e lepeletse mo seatleng sa gagwe, ba raana ba re: “Ruri, motho yo ke mmolai; le fa a falotse lewatleng, pusoloso ga e mo leseletse go phela.” Mme ene a tlhotlhorela noga mo molelong, a se ka a direga sepe. Bone ba bo ba lebeletse gore o tla ruruga, gongwe a wele fa fatshe, a swe ka bonako. Ya re ba sena go lebelela nako e telele, mme ba sa bone sepe se se bosula se mo tlela, ba fetoga mogopolo ba re: “Ke modimo.” Mo tikologong ya felo foo go ne go le masimo a mookamedi wa setlhake yo leina la gagwe e leng Pubilio, yo o neng a re tshola, a re babalela ka botsalano malatsi a le mararo. Jaanong rraagwe Pubilio o ne a robetse fatshe, a tshwerwe ke go fisa le go tsholola madi; Paulo a ya kwa go ene, a rapela, a ba a mmaya diatla, a mo fodisa. Ya re go sena go dirafala jalo, ga tla le ba bangwe ba setlhake ba ba nang le malwetse, ba fodisiwa. Bao le bone ba re tlotla gagolo; ya re re tsamaya, ba re abela tse re di tlhokang. Morago ga dikgwedi di le tharo ra tsamaya ka mokoro wa Aleksanteria o o neng o nnetse mariga fa setlhakeng; letshwao la one e ne e le Kastore le Polokese. Ya re re fitlha kwa Sirakuse, ra tlhola malatsi a le mararo teng. Ra ba ra tswa teng, ra fitlha mo Regio; ya re morago ga letsatsi le le lengwe fela ga tsoga phefo ya borwa; mme ka letsatsi la bobedi ra fitlha kwa Puteoli. Teng ra fitlhela badumedi, ra rapelwa gore re nne malatsi a a supang nabo; morago ra fitlha kwa Roma. E rile bakaulengwe ba re utlwela, ba tswa teng, ba tla go re kgatlhantsha kwa Patlelong ya ga Apio le kwa Matlong-mararo-a-baeti. Ya re Paulo a ba bona, a leboga Modimo, a ba a namatshega. E rile re sena go tsena mo Roma, molaodi-wa-lekgolo a neela molaodi wa bafemedi ba Kaisara bagolegwi, mme Paulo a letlelelwa go nna a le esi le motlhabani yo o mo disitseng. Morago ga malatsi a le mararo a phutha baeteledipele ba Bajuta; ya re ba sena go phuthega, a ba raya a re: “Banna, bakaulengwe, le fa ke sa dira sepe se se lwantshang morafe wa ga etsho gongwe mekgwa ya borraetsho, ke neetswe mo diatleng tsa Baroma ke le mogolegwi, ke tswa kwa Jerusalema. Bone, e rile ba sena go mpotsolotsa, ba rata go nkgolola, ka go se na molato ope wa loso mo go nna. Ya re Bajuta ba ganetsa, ka patelesega go ipiletsa Kaisara, e se gore ke na le sengwe se ke latofatsang morafe wa ga etsho ka sona. Jaanong ke ka ntlha ya moo ke kopileng go lo bona le go bua le lona; gonne ke golegilwe ka keetane ena ka ntlha ya tsholofelo ya Iseraele.” Ba mo fetola ba re: “Ga re a amogela dikwalo tse di tswang kwa Jutea ka ga gago; le gona ga go a tla ope wa ba ga rona go bolela le fa e le go bua sepe se se bosula ka ga gago. Le gale re fitlhela e le tshwanelo gore re utlwe mo go wena se o se gopolang; gonne fa e le thuto eo, re itse gore e ganediwa ntlheng tsotlhe.” Ya re ba sena go mmeela letsatsi, ba bantsi ba tla kwa go ene mo ntlong e o ntseng mo go yona, a ba phuthololela tsa puso ya Modimo, a supa ka ga yona; go tloga mosong go ya maitsiboeng a leka go ba kgona ka molao wa ga Moše le ka baporofeti gore ba dumele mo go Jesu. Bangwe ba dumela tse a di buileng, ba bangwe ba se ka ba dumela. Ya re ba sa dumelelane, ba phatlalala, Paulo a sena go bua lefoko le le lengwe a re: “Mowa o o Boitshepo o buile sentle le borraeno ka moporofeti Jesaya wa re: “ ‘Yaa kwa morafeng oo o re: Go utlwa lo tla utlwa, mme ga lo nke lo tlhaloganya ka gope; le go leba lo tla leba, mme ga lo nke lo bona ka gope; gonne dipelo tsa morafe o di thatafaditswe, ba kabetse ditsebe, ba ipuduladitse matlho, e se re gongwe ba bona ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka dipelo, ba sokologa, mme ka ba fodisa.’ “Ka moo he, itseng gore pholoso e ya Modimo e rometswe kwa baheitaneng; e bile bona ba tla utlwa.” Ya re a sena go bua jalo, Bajuta ba tsamaya, ba le mo kganetsanyong e kgolo. Paulo a nna dinyaga di le pedi tse di tletseng mo ntlong e o e adimileng ka tuelo, a tshola batho botlhe ba ba tlang go ene, a rera puso ya Modimo, a ba a ruta tsa Morena Jesu Keresete ka phuthologo yotlhe, go se na kgoreletso. Nna Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, yo ke biditsweng go nna moapostolo, ka tlhaolelwa Efangele ya Modimo e o e solofeditseng ka baporofeti ba ona mo Dikwalong tse di boitshepo, ka ga Morwaa-ona yo o tsetsweng e le wa losika lwa ga Dafita ka fa nameng; yo o beilweng go nna Morwa Modimo yo o tletseng thata ka fa Moweng o o Boitshepo ka tsogo mo baswing, e bong Jesu Keresete, Morena wa rona, yo re amogetseng bopelotlhomogi le boapostolo ka ene gore go nne kutlo ya tumelo mo merafeng yotlhe ka ntlha ya leina la gagwe, e le lona lo leng ba yona lo le ba ba biditsweng ke Jesu Keresete. Ke kwalela lona lotlhe ba lo kwa Roma, lona baratwi ba Modimo, lona baitshepi ba lo biditsweng: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete! Ke simolola ka go leboga Modimo wa me ka Jesu Keresete ka ntlha ya lona lotlhe, ka gonne tumelo ya lona e bolelwa mo lefatsheng lotlhe; kana Modimo o ke o direlang ka mowa wa me ka go rera Efangele ya Morwaa-ona, ke mosupi wa me wa gore ga ke khutle go lo gopola. Ga ke bolo go kopa mo merapelong ya me gore ke bone phatlha ya go tla koo go lona, fa go ka nna jalo ka fa go rateng ga Modimo; gonne ke tlhologeletswe go lo bona gore ke lo abele neo nngwe ya Mowa, lo tle lo tiisiwe; e le gore re tle re gomotsege mmogo ke le koo go lona, mongwe ka tumelo ya yo mongwe, e bong nna ka ya lona le lona ka ya me. Ba ga etsho, ga ke rate lo tlhoka go itse gore ke ikaeletse gantsi go tla koo go lona, mme ke kganelesegile go fitlha jaanong, gore le mo go lona ke tle ke nne le maungonyana jaaka mo merafeng e mengwe. Ke tshwanetse go direla Bagerika le ba e leng batho fela, ba ba botlhale le ba ba seng botlhale. Fa e le nna, ke eleditse ka ntlha ya moo gore le lona ba lo leng kwa Roma, ke lo rerele Efangele. Gonne ga ke tlhajwe ke ditlhong ka Efangele ya ga Keresete, ka e le thata ya Modimo e e pholosang mongwe le mongwe yo o dumelang, Bajuta pele, le bone Bagerika; gonne tshiamo ya Modimo e senolwa mo go yona ka tumelo go isa tumelong, jaaka go kwadilwe ga twe: “Mosiami o tla phela ka tumelo.” Kana bogale jwa Modimo jo bo tswang kwa legodimong bo a bonala, bo wela boikepo jotlhe le tshiamololo tsa batho ba ba kgoreletsang boammaaruri ka tshiamololo; gonne se se ka itsiweng ka ga Modimo se senogile mo go bone, ka Modimo o se ba senoletse. Kana go tswa tlholegong ya lefatshe bosabonweng jwa ona, e bong thata e e sa khutleng ya ona le Bodimo jwa ona, bo lemogwa sentle ka ditiro tsa ona gore ba se nne le seipato; gonne e rile ba ntse ba itse Modimo, ba se ka ba o galaletsa jaaka Modimo, le e seng go o leboga, mme ba fetoga masilo mo dikakanyong tsa bone, dipelo tse di se nang tlhaloganyo tsa bone tsa fifala. Ya re ka ba itshema matlhale, ba direga masilo. Mme kgalalelo ya Modimo o o sa nyeleleng ba e fetola go tshwana le setshwano sa motho yo o nyelelang, le sa dinonyane le sa tse di maoto-mane le tse di gagabang. Ka ntlha ya moo Modimo o ba neeletse mo masweng ka dikeletso tsa dipelo tsa bone gore ba tlotlololane mebele; ba ba fetotseng boammaaruri jwa Modimo maaka, mme ba tlotla setlhodiwa, ba se direla bogolo go Motlhodi yo o tshwanetsweng ke pako ka bosakhutleng. Amen. Ka ntlha ya moo Modimo o ba neeletse mo dikeletsong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetotse o e seng wa tlholego. Fela jalo le banna ba tlogela go dira le mosadi ka fa mokgweng wa tlholego, ba tukelana ka dikgatlhego tsa bone, banna ba dira matlhabisa-ditlhong le banna ba bangwe, ba amogela tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone mo go bona ka bosi. Mme ka ba ne ba sa re sepe go itse Modimo, Modimo o ba neeletse mo maitlhomong a bokgopo go dira dilo tse di sa tshwanelang, ba tletse tshiamololo yotlhe le boaka le bosula le bopelotshetlha le bokgopo; ba tletse lefufa le polao le ntwa le boferefere le bolotsana; ke basebi le basenya-maina le ba ba tlhoang Modimo le bagateledi le baikgodisi le baikgantshi le batlhalefedi ba bosula le ba ba sa utlweng bagolo, le masilo le ba ba sa ikanyegeng le ba ba se nang lorato le ba ba sa itshwareleng le ba ba sa utlweleng botlhoko; ba e reng ba ntse ba itse molao wa Modimo wa go re, bone ba ba dirang dilo tseo ba tshwanetswe ke loso, ba sa di direng fela, mme e bile ba itumelela ba bangwe ba ba di dirang. Ke ka moo ò tlhokang go itlhatswa, motho ke wena, le fa o ka ne o le mang yo o latofatsang; ka gonne se o latofatsang yo mongwe ka sona ke se o itatofatsang ka sona; ka gonne wena molatofatsi o dira sona seo. Mme kana re itse gore katlholo ya Modimo ke ya nnete mo go bone ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo. Motho ke wena, a o gopola gore wena yo o latofatsang ba ba dirang jalo, o ka falola mo katlholong ya Modimo, etswe o dira jalo ka wesi? A kampo o nyatsa lohumo lwa bopelontle le lwa boitshoko le lwa bopelotelele jwa ona, o sa itse gore molemo wa Modimo o go gogela tlhabologong? Mme wena, ka fa pelong e e thata ya gago e e sa ikwatlhaeng, o ikgobokanyetsa bogale mo letsatsing la bogale le la ponalo ya katlholo e e siameng ya Modimo, o o tla duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe: Ba ba batlang kgalalelo le tlotlo le bosafeleng ka go tshwarelela ditirong tse di molemo, o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng; mme ba ba ratang kgang, ba gana go utlwa boammaaruri, mme ba utlwa tshiamololo, bone o ba duele ka bogale le kgakalo. Tlalelo le pitlagano di tla wela motho mongwe le mongwe yo o dirang bosula, Mojuta pele, le ene Mogerika. Mme kgalalelo le tlotlo le kagiso di tla tlela mongwe le mongwe yo o dirang molemo, Mojuta pele, le ene Mogerika. Gonne Modimo ga o gobelelele motho. Kana botlhe ba ba leofileng ba se na molao ba tla latlhega kwa ntle ga molao; mme botlhe ba ba leofileng ba na le molao ba tla atlholwa ka molao. Kana ba e leng basiami fa pele ga Modimo ga se ba ba utlwang molao ka ditsebe fela, mme badirafatsi ba molao ke bone ba ba tla kaiwang basiami. Gonne fa Baditšhaba bangwe ba ba se nang molao ba dira dilo tsa molao ka fa tlhagong, ba bo ba tshotse molao ka bobone, le fa ba se na molao wa ga Moše; ba itshupa gore go dira ka fa molaong go kwadilwe mo dipelong tsa bone, digakolodi tsa bone di ntse di supa jalo le dikakanyo tse di ba latofatsang gongwe di ba latofolole, jaaka go tla itshupa mo letsatsing le Modimo o tla atlholang tse di sa itsiweng tsa batho ka lone, ka Jesu Keresete, ka fa Efangeleng ya me. Jaanong fa o bidiwa Mojuta, mme o ikaega ka molao, o ipoka ka Modimo, o itse go rata ga ona, o tlhotlhomisa tse di tshwanetseng, ka o ntse o rutwa molao, o ithaya o re, o mogogi wa difofu, o lesedi la bone ba ba mo lefifing, o mokaedi wa ba ba sa rutegang, o moruti wa ba e leng bana, ka o na le kitso le boammaaruri tota ka molao: Mme jaanong wena yo o rutang yo mongwe, ga o ithuteleng? Wena yo o rerang gore motho a se ka a utswa, o utswelang? Wena yo o reng, motho a se ka a akafala, o akafalelang? Yo o ilang medimo ya diseto, o thopelang tsa ditempele? Wena yo o ipokang ka molao, o tlotlololelang Modimo ka go tlola molao? Kana leina la Modimo le kgalwa mo baheitaneng ka ntlha ya lona jaaka go kwadilwe. Go rupa le gale go ka thusa, fa o dirisa molao; mme fa o le motlodi wa molao, foo go rupa ga gago go fetogile bosarupang. Mme fa yo o sa rupang a ka tlhokomela tshiamo ya molao, a bosarupang jwa gagwe ga bo ka ke jwa kaiwa go rupa? Yo o sa rupang ka fa tlhagong, fa a dirisa molao, a ga a nke a go bona molato, wena yo o leng motlodi wa molao, o ntse o na le lokwalo lwa molao o rupile? Kana Mojuta tota ga se yo e leng Mojuta ka fa ponalong; le thupiso e e dirwang mo mmeleng fela ga se yona tota. Mme Mojuta wa nnete ke yo e leng Mojuta ka mo teng; le thupiso ya nnete ke e e leng ya pelo ka fa moweng, e seng ka fa molaong; poko ya yo o ntseng jalo ga e tswe mo bathong, mme e tswa mo Modimong. Mojuta jaanong o gaisa ba bangwe ka eng, gongwe thuso ya thupiso ke eng? Ke e kgolo mo ntlheng tsotlhe; gonne ga ntlha: ba neetswe Lefoko la Modimo. Jaanong go ka tweng? A ke go re, fa bangwe ba ne ba sa ikanyege, go-sa-ikanyegeng ga bone go ka dirolola boikanyego jwa Modimo? Le go ka! Mme go tshwanetse ga nna jaana: Modimo o boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe ke moaki, jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o fitlhelwe o siame mo mafokong a gago, o fenye, fa o bewa molato.” Fa jaanong tshiamololo ya rona e tlhomamisa tshiamo ya Modimo, re ka reng? A Modimo o a bo o siamolola, fa o re galefela? Ke bua ka mokgwa wa batho. Le go ka! Gonne fa go ka bo go ntse jalo, Modimo o ka atlhola lefatshe jang? Fa boammaaruri jwa Modimo bo totafaletse kgalalelong ya ona ka maaka a me, ke tla bo ke sa ntse ke sekisediwang jaaka moleofi? A ga re ka ke ra bua bogolo ra re: “A re direng bosula gore molemo o tswe mo go jona!” jaaka bangwe ba sotla ka rona ba re, re bua jalo? Bao ke ba petso e ba tshwanetseng. Jaanong go ka tweng? A re gaisa ba bangwe? E seng ka gope; gonne re setse re supile gore Bajuta le Bagerika botlhe ba mo taolong ya boleo, jaaka go kwadilwe ga twe: “Ga go ope yo o siameng, le e seng a le mongwe fela. Ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go ope yo o batlang Modimo. Botlhe ba fapogile, botlhe mmogo ba tlhobosegile; ga go ope yo o dirang molemo, ga a yo le e seng a le mongwe fela. Memetso ya bone ke mabitla a a butsweng; ba tsietsa ka diteme tsa bone. Botlhole jwa dinoga bo mo melomong ya bone. Magano a bone a tletse thogako le bogalaka. Dinao tsa bone di bofefo go tsholola madi. Tshenyo le pogiso di mo ditseleng tsa bone, mme tsela ya kagiso yona ga ba e itse. Ga ba boife Modimo jaaka o le fa pele ga matlho a bone.” Mme jaanong re itse gore dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le bone ba ba mo taolong ya molao gore molomo mongwe le mongwe o thijwe, mme lefatshe lotlhe le nne molato fa pele ga Modimo. Ke ka moo go se nang motho ope yo o tla siamisiwang fa pele ga ona ka ditiro tsa molao; gonne molao o re naya kitso ya boleo. Mme jaanong tshiamo ya Modimo e senotswe kwa ntle ga molao, e supilwe ke molao le baporofeti, e bong tshiamo ya Modimo e e bonwang ka go dumela mo go Jesu Keresete, mme ke ya botlhe ba ba dumelang; gonne ga go na pharologanyo epe; gonne botlhe ba leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo, mme ba ka siamisiwa fela ka boitshwarelo jwa ona ka kgololo e e mo go Keresete Jesu, yo Modimo o mmeileng go nna thuanyo ka madi a gagwe e e bonwang ka tumelo, gore go supiwe tshiamo ya ona ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng pele, Modimo o ntse o iphapaantse gore o tle o supe tshiamo ya ona mo sebakeng seno, e nne ona o o siameng, o o siamisang ene yo o dumelang mo go Jesu. Mme jaanong ipelafatso e kae? E latlhetswe kwa ntle. E le ka molao ofe? A ke wa ditiro? Nnyaya, ke ka molao wa tumelo. Ke ka moo re kayang gore motho o siamisiwa ka tumelo fela, e seng ka ditiro tsa molao. A kampo Modimo ke Modimo wa Bajuta fela? A ga se wa Baditšhaba le bone? Ee, ke wa Baditšhaba le bone, ka e le gore Modimo ke o le mongwe fela; ba ba rupileng o tla ba siamisa mo tumelong, le ba ba sa rupang o ba siamisa ka tumelo. Jaanong a ke go re, re dirolola molao ka tumelo? Le go ka; tota re tlhomamisa molao. Mme jaanong re ka botsa re re: Aborahame, rraetsho-mogolwago-lwane ka fa nameng, o bonye eng? Kana fa Aborahame a ka bo a siamisitswe ka ditiro, o ka bo a na le pelafalo, fela e seng fa pele ga Modimo. Gonne Lokwalo lo a reng? Lo a re: “Aborahame o ne a dumela Modimo, mme ka moo a kaiwa mosiami.” Yo o dirang, tuelo ga a e balelwe ka fa bopelotlhomoging, mme e le ka fa selekanyong. Mme ene yo o sa direng, mme a dumela mo go ene yo o siamisang moikepi, ene tumelo ya gagwe e tla kaiwa tshiamo, fela jaaka Dafita a bua ka ga lesego la motho yo Modimo o mo kayang mosiami kwa ntle ga ditiro a re: “Go sego bone ba ditshiamololo tsa bone di itshwaretsweng, ba dibe tsa bone di bipilweng. Go sego monna yo Morena a sa mmaleleng molato wa boleo ka gope.” Jaanong lesego leo a ke la ba ba rupileng fela, a kampo ke la ba ba sa rupang le bone? Gonne ra re: “Aborahame tumelo ya gagwe e kailwe tshiamo.” Mme kana o ne a kaiwa mosiami a ntse jang? A ke fa a setse a rupile, gongwe a ise a rupe? Ga se fa a rupile, mme ke fa a ise a rupe. Sesupo sa go rupa o ne a se amogela go nna sekano sa tshiamo ya tumelo e o neng a na nayo a ise a rupe, gore a nne rraabone botlhe ba ba dumelang, le fa ba sa rupa, gore le bone ba kaiwe basiami; le gore a nne rraabone ba ba rupileng, e seng ka go rupa fela, mme le ka go tsaya motlhala wa tumelo ya ga rraetsho Aborahame, a ise a rupe; gonne tsholofetso ya go re, o tla nna morua-boswa wa lefatshe, ga e a newa Aborahame gongwe losika lwa gagwe ka molao, mme ke ka tshiamo ya tumelo. Kana fa ba e leng ba molao e ka nna bone barua-boswa, foo tumelo e tla bo e se na thuso epe, le tsholofetso e tla bo e dirolotswe. Gonne molao o tsosa bogale, mme kwa go se nang molao teng, tlolo le yona ga e yo teng. Ka moo boswa bo tla ka tumelo gore e nne ka fa bopelotlhomoging, e le gore tsholofetso e tlhomamele bana botlhe, e seng fela ba e leng ba molao, mme le bone ba tumelo ya ga Aborahame yo e leng rraarona rotlhe, jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke go dirile rra merafe e mentsi;” Aborahame ke rraarona fa pele ga ona Modimo o a o dumetseng, o o phedisang baswi, o bile o bitsa dilo tse di se yong jaaka e kete di teng; yo e rileng tsholofelo e sa tlhole e le teng, a dumela ka tsholofelo, gore a tle a nne rra merafe e mentsi ka fa go builweng ka teng ga twe: “Losika lwa gago lo tla nna jalo.” Mme ga a ka a koafala mo tumelong, fa a leba mmele wa gagwe o o setseng o onetse, dinyaga tsa gagwe e le tse di ka nnang lekgolo, le mmele wa ga Sara o o setseng o onetse. A se ka a belaela tsholofetso ya Modimo ka go sa dumeleng, mme bogolo a tia mo tumelong, a tlotla Modimo, a dumela ka botlalo gore se Modimo o se solofeditseng, o bile o nonofile go se dira. Ka ntlha ya moo tumelo e bile ya kaiwa tshiamo ya gagwe. Jaanong ga go a kwalwa ka ntlha ya gagwe fela gore tumelo e kailwe tshiamo ya gagwe, mme e bile ke ka ntlha ya rona, ba re tla kaiwang jalo, e bong rona ba re dumelang mo go ona o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo baswing, yo o neng a neelwa losong ka ntlha ya ditlolo tsa rona, a ba a tsosediwa go siamisiwa ga rona. Jaanong ka re siamisitswe ka tumelo, re na le kagiso le Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete; ka ene re bile re bonye tsela ya go fitlha ka tumelo mo bopelotlhomoging joo, jo re emeng mo go jona, e bile re ipoka ka go solofela kgalalelo ya Modimo. Mme e seng gona fela, e bile re ipoka ka ditlalelo, ka re itse gore tlalelo e dira boitshoko, boitshoko bo dira boikanyego, boikanyego bo dira tsholofelo, mme tsholofelo ga e tlhabise ditlhong; gonne lorato lwa Modimo lo tshetswe mo dipelong tsa rona ka Mowa o o Boitshepo o re o neilweng. Gonne e rile re le bokoa, Keresete a swela rona baikepi ka nako ya teng. Kana go thata gore mongwe a swele mosiami; motlhaope mongwe a ka beta pelo, a swela yo o molemo. Mme Modimo o supile lorato lo o re ratang ka lone, ka Keresete a re swetse, re ntse re le baleofi. Jaanong e re ka re siamisitswe ka madi a gagwe, bogolo jang ne re tla pholosiwa ke ene mo bogaleng! Gonne fa re ne ra ruanngwa le Modimo ka loso lwa Morwaa-ona re le baba, re tla pholosiwa bogolo jang ne ka botshelo jwa gagwe, ka re le ba ba ruantsweng! Mme ga se gona fela, e bile re ipoka ka Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete yo jaanong re amogetseng thuanyo ka ene. Ka moo he, boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo, mme loso lwa phololela jalo mo bathong botlhe, ka ba leofile botlhe. Kana boleo bo ne bo le mo lefatsheng go fitlha nakong ya molao; mme boleo ga bo kaiwe molato, fa molao o se yo. Le fa go ntse jalo, go tloga ka Atame go ya kwa go Moše loso lo ne lo ntse lo laola le mo go bone ba ba se kang ba leofa ka mokgwa o o tshwanang le tlolo ya ga Atame yo e leng sekao sa yo o tla tlang. Mme fela neo ya bopelotlhomogi ga e a nna jaaka boleo; gonne fa ba bantsi ba sule ka boleo jwa a le mongwe fela, bopelotlhomogi jwa Modimo le neo tse di senogileng ka bopelotlhomogi jwa motho a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete, kana tsona di atiseditswe ba le bantsi bogolo thata jang ne! Gape neo ga e tle jaaka go tsile tshenyego ka a le mongwe yo o leofileng; gonne tshekiso e lebile a le mongwe fela, e isa katlholelong ya petso, mme neo ya bopelotlhomogi e lebile ditlolo di le dintsi, e isa tshiamisong. Gonne fa loso lo ne lo busa ka tlolo ya a le mongwe fela, e bong ka a le mongwe yoo, ba ba amogelang letlotlo la bopelotlhomogi le la neo ya tshiamo bone ba tla busa bogolo jang ne bophelong ka a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete! Ka moo he, tshiamiso ya bophelo e tsile mo bathong botlhe ka tiro e le nngwe ya tshiamo, jaaka katlholelopetso e ne e tsile mo bathong ka tlolo e le nngwe fela; gonne batho ba le bantsi ba tla direga basiami ka kutlo ya a le mongwe fela, jaaka ba bantsi ba ne ba diregile baleofi ka go sa utlweng ga motho a le mongwe fela. Mme molao o tsenye fa gare gore tlolo e ntsifale, mme kwa tlolo e atileng teng, ke kwa bopelotlhomogi bo atileng teng bogolobogolo, gore bopelotlhomogi bo tle bo buse ka tshiamo go isa kwa bophelong jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete, Morena wa rona, jaaka boleo bo busitse ka loso. Jaanong re tla reng? A re tla tswelela pele mo boleong gore bopelotlhomogi bo tle bo ate bogolo? Le go ka! Rona ba re suleng ntlheng ya boleo, re sa ntse re ka phela jang mo go jona? Kampo a ga lo itse gore rona rotlhe ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe? Ke go re, re fitlhilwe nae ka kolobetso gore re swe, re tle re tsamae mo bophelong jo bošwa, jaaka Keresete le ene a tsositswe mo baswing ka kgalalelo ya ga Rara; gonne fa re kopantswe nae go tshwana le loso lwa gagwe, le tsogo ya gagwe re tla tshwana nayo, ka re itse gore motho yo mogologolo wa rona o bapotswe nae gore mmele wa boleo o khutlisiwe go leofa, mme re se tlhole re direla boleo; gonne yo o suleng o siamisitswe, a gololwa mo boleong. Mme fa re sule le Keresete re dumela gore le go phela re tla phela nae, ka re itse gore Keresete yo o tsositsweng mo baswing ga a tlhole a tla swa, loso ga lo tlhole lo na le thata mo go ene; gonne loso lo a lo suleng, o ne a lo swa ka ntlha ya boleo gangwe fela, a feletsa ruri, mme bophelo jo o bo phelang jona o bo phelela Modimo. Le lona jalo, iponeng lo le baswi ntlheng ya boleo le baphedi ba ba phelelang Modimo lo le mo go Keresete Jesu, Morena wa rona. Jaanong mebele ya lona e e swang, a boleo bo se tlhole bo e laola, mo lo ka utlwang dikeletso tsa yona. Gape se neeleng boleo ditokololo tsa lona go nna didiri tsa tshiamololo, mme ineeleng Modimo jaaka ba ba tswang mo losong, ba phela, le ditokololo tsa lona di neeleng Modimo go nna didiri tsa tshiamo; gonne boleo ga bo nke bo lo laola, ka lo se fa tlase ga molao, mme lo le fa tlase ga bopelotlhomogi. Jaanong re tla reng? A re tla leofa, ka re se fa tlase ga molao, mme re le fa tlase ga bopelotlhomogi? Le go ka! A ga lo itse gore yo lo mo ineelang go nna batlhanka go mo utlwa, ke ene yo lo leng batlhanka ba gagwe, yo lo tshwanetseng go mo utlwa, le fa e le boleo go isa losong, gongwe kutlo go isa tshiamong? Mme a Modimo o lebogwe, ka lo khutlile go nna batlhanka ba boleo, mme lo simolotse go utlwa ka pelo yotlhe sekao sa thuto se lo tsentsweng mo go sona. Lo diregile batlhanka ba tshiamo, ka lo golotswe mo boleong. Ke bua ka fa mokgweng wa batho ka ntlha ya bokoa jwa nama ya lona; a e re jaaka lo ne lo neetse ditokololo tsa lona go nna badiredi ba maswe le ba boitaolo jo bo isang boitaolong, jaanong neelang ditokololo tsa lona jalo go nna badiredi ba tshiamo e e isang boitshepisong. Kana e rile lo sa le batlhanka ba boleo, lwa bo lo sa laolwe ke tshiamo. Mme foo lo ne lo na le leungo lefe? Ke dilo tse jaanong lo tlhajwang ke ditlhong ka tsona; gonne bokhutlo jwa tsona ke loso. Mme jaanong ka lo golotswe mo boleong, e bile lo diregile batlhanka ba Modimo, lo na le leungo la lona le le isang boitshepisong, mme bokhutlo ke bophelo jo bo sa khutleng; gonne tefo ya boleo ke loso, mme neo ya bopelotlhomogi ya Modimo ke bophelo jo bo sa khutleng jo bo bonwang mo go Keresete Jesu, Morena wa rona. Bakaulengwe – kana ke bua le ba ba itseng molao – a ga lo itse gore molao o busa motho fela, fa a sa ntse a phela? Kana mosadi yo o nang le monna wa gagwe o golegeletswe mo monneng ka molao, fa monna a sa ntse a phela; mme fa monna a sule, foo o tla bo a golotswe mo molaong wa lenyalo. Jaanong fa a ka nna wa monna yo mongwe, monna wa gagwe a sa tshela, go tla twe o kgotlela nyalo; mme fa monna a sule, foo o tla bo a golotswe mo molaong, mme ga go nke go twe o kgotlela nyalo, le fa a ka nna wa monna yo mongwe. Bakaulengwe ba me, le lona lo bolailwe jalo ntlheng ya molao ka mmele wa ga Keresete gore lo nne ba yo mongwe, e bong ba yo o tsositsweng mo baswing, gore re ungwele Modimo; gonne e rile re sa le mo nameng, dikeletso tsa maleo tse di tlhotlhelediwang ka molao tsa bo di dira ka thata mo ditokololong tsa rona gore di ungwe maungo a loso. Mme jaanong re golotswe mo molaong, ka re sule ntlheng ya sona se se neng se re tshwere; ke ka moo re leng badiredi ka fa bošweng jwa mowa, e seng ka fa mokgweng wa bogologolo wa ditlhaka tsa molao. Jaanong re tla reng? A ke go re, molao ke boleo? Ga go a nna jalo; mme nka bo ke sa itse boleo, fa e ne e se ka molao. Le yona keletso nka bo ke sa e lemoge, fa molao o ka bo o sa re: “O se ka wa eletsa!” Mme boleo, e re ka bo bonye tlhotlheletso, jwa tsosa dikeletso tsotlhe mo go nna ka taolo; gonne kwa ntle ga molao boleo bo sule. Nna, pele ke ne ke phela kwa ntle ga molao; jaanong e rile taolo e sena go tla, boleo jwa tsoga, mme nna ka swa; taolo e e ka bong e nkisa bophelong, ka fitlhela e nkisa losong. Gonne boleo jwa ntsietsa, ka bo bonye tlhotlheletso ka taolo, jwa mpolaya ka yona. Jalo he, molao o boitshepo, le taolo e boitshepo, e siame, e molemo. Jaanong a ke go re, se se molemo se mphetogetse loso? A go se tualo! Ke boleo jo bo ntsiseditseng loso ka se se molemo gore bo bonale e le boleo tota, gore boleo e nne jo bo bobe bogolo ka taolo. Re itse gore molao ke wa mowa, mme nna ke nama, ke bapaleditswe boleo. Se ke se dirang ga ke se tlhaloganye; gonne se ke se ratang ga ke se dire; ke dira se ke se tlhoileng. Mme fa ke dira se ke sa se rateng, ke dumelana le molao gore o molemo. Foo e be e sa tlhole e le nna yo o se dirang, mme e be e le boleo jo bo agileng mo teng ga me. Gonne ke itse gore mo teng ga me, e bong mo nameng ya me, ga go na molemo ope; go rata go teng mo go nna, mme go dira se se molemo ga go yo. Gonne molemo o ke o ratang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo rateng jona ke a bo dira. Fa jaanong nna ke dira se ke sa se rateng, e tla bo e sa tlhole e le nna yo o se dirang, mme e tla bo e le boleo jo bo agileng mo teng ga me. Jaanong ke fitlhela molao mo go nna wa go re: E a re fa ke rata go dira molemo, bosula bo nne teng mo go nna. Gonne ka fa mothong yo o ka mo teng ke itumelela molao wa Modimo. Fela ke fitlhela go na le molao o sele mo ditokololong tsa me o o lwang le molao wa maikutlo a me; e bile o nkgolega ka molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me. A motho wa mogolo nna! Ke mang yo o tla nkgololang mo mmeleng wa loso lo? Ke leboga Modimo, ka ke gololwa ka Jesu Keresete, Morena wa rona. Jaanong go ntse jaana: nna ka nosi ke direla molao wa Modimo ka maikutlo, mme ka nama ke direla molao wa boleo. Jaanong he, ga go na katlholo ya tatlho epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu, ba ba sa tsamaeng ka fa nameng, mme ba tsamaya ka fa moweng. Gonne molao wa mowa wa go phela ka Keresete Jesu o nkgolotse mo molaong wa boleo, wa loso. Gonne se se reteletseng molao, ka o se na thata ka ntlha ya nama, Modimo o se dirile, wa atlhola boleo mo nameng ka go roma Morwaa-ona mo tshwanong ya nama ya boleo le ka ntlha ya boleo, gore tshiamo e e batlwang ke molao e dirafale mo go rona ba re sa tsamaeng ka fa nameng, mme e le ka fa moweng. Gonne ba ba leng ka fa nameng ba batla tsa nama, mme ba ba leng ka fa moweng bone ba batla tsa mowa. Kana go batla ga nama ke loso, mme go batla ga mowa gona ke botshelo le kagiso. Gonne go batla ga nama ke go tlhoa Modimo, ka e sa ikokobeletse molao wa Modimo, e bile e a palelwa. Ba ba mo nameng ga ba ka ke ba kgatlha Modimo. Mme lona ga lo mo nameng; lo mo moweng, fa tota Mowa wa Modimo o agile mo go lona; fa motho a sa tshola Mowa wa ga Keresete, yoo ga se wa gagwe. Mme fa Keresete a le mo go lona, mmele o tla bo o sule ka ntlha ya boleo, mme mowa ona o phela ka ntlha ya tshiamo. Fa Mowa wa ona o o tsositseng Jesu mo baswing o agile mo go lona, foo ona o o tsositseng Keresete Jesu mo baswing o tla phedisa le yona mebele e e swang ya lona ka Mowa wa ona o o agileng mo go lona. Ka moo he, bakaulengwe, re tlamegile go phela ka fa moweng, e seng ka fa nameng. Gonne fa lo phela ka fa nameng, lo tla swa; mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka mowa, lo tla phela. Gonne botlhe ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo ke bone bana ba Modimo. Kana ga lo a amogela mowa wa botlhanka wa gore lo boe lo boife; mme lo amogetse mowa wa bongwana o re bitsang ka ona re re: “Abba, Rara!” Mowa ka osi o supetsa mewa ya rona gore re bana ba Modimo. Mme fa re le bana, e bile re barua-boswa, e bong barua-boswa ba Modimo le barua-boswa mmogo le Keresete, fa tota re bogisiwa nae, ke go re, re tle re galalediwe nae. Gonne ke kaya gore dipogo tsa sebaka seno ga se tsa sepe, fa di bapisiwa le kgalalelo e re tla e senolelwang. Kana tsotlhe tsa tlholego di lebeletse ponatshego ya bana ba Modimo ka tlhologelelo e kgolo. Gonne tsa tlholego di tsentswe mo taolong ya tshenyego, e seng ka go rata ga tsona, mme e le ka ntlha ya ona o o di tsentseng teng gore go nne tsholofelo; gonne tsa tlholego le tsona ka tsosi di tla gololwa mo tirelong ya tshenyego go isiwa kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo. Kana re itse gore tsa tlholego tsotlhe di a fegelwa, di mo tlalelong ya pelego mmogo go fitlha nakong eno. Mme ga se tsona fela, le rona ka rosi, ba re nang le mabutswapele a Mowa, re fegelwa ka rosi mo teng ga rona, ka re lebeletse bongwana jwa rona, e bong kgololo ya mebele ya rona. Gonne re pholositswe ka tsholofelo. Mme jaanong tsholofelo e e bonwang ga se tsholofelo. Gonne se motho o setseng a se bonye, a o sa ntse a ka se solofela? Mme fa re solofela se re sa se boneng, re se lebelela ka bopelotelele. Mme Mowa le ona o thusa bokoa jwa rona jalo; gonne ga re itse se re ka se kopang ka tshwanelo; Mowa ka osi o re emela ka diphegelo tse di sa kgonweng go bolelwa. Mme Motlhotlhomisi wa dipelo o itse maikaelelo a Mowa; gonne ona o emela baitshepi ka fa go rateng ga Modimo. Mme re itse gore bone ba ba ratang Modimo, dilo tsotlhe di dira mmogo go ba tsalela molemo, e bong bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa Modimo. Gonne ba o ba itsileng pele, o ba tlhaotse pele gore ba tshwane le popego ya Morwaa-ona, a tle a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi. Mme ba o ba tlhaotseng pele, e bile o ba biditse; ba o ba biditseng, e bile o ba siamisitse; ba o ba siamisitseng, e bile o ba galaleditse. Jaanong re tla reng ka ga dilo tseo? Fa Modimo o le ntlheng ya rona, ke mang yo o ka emelanang le rona? O e bileng o sa rekegela Morwaa-ona, mme o mo neetse mo losong ka ntlha ya rona rotlhe, o ka tlhoka jang go re abela dilo tsotlhe nae? Ke mang yo o ka bayang batlhaolwi ba Modimo molato? Modimo ke ona o o siamisang. Ke mang yo o ka ba atlholelang molato? Keresete Jesu o ne a sule, ee, bogolo ke yo e bileng a tsositswe, yo o ka fa letsogong le le jang la Modimo, yo e bileng a re emela. Ke mang yo o ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke tlalelo gongwe pitlagano gongwe pogiso gongwe tlala gongwe bosaikatega gongwe kotsi gongwe tšhaka? Jaaka go kwadilwe ga twe: “Re bolawa letsatsi lotlhe ka ntlha ya gago, re kaiwa jaaka dinku tsa tlhabo fela.” Mme mo dilong tsotlhe tseo re fenya bogolobogolo ka ene yo o re ratileng. Gonne ke tlhomamiseditswe gore le fa e ka nna loso gongwe bophelo gongwe baengele gongwe balaodi gongwe dilo tse di leng teng gongwe tse di tla tlang gongwe dithata gongwe bogodimo gongwe boteng, le fa e ka nna sebopiwa se sele, ga di kgone go ka re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu, Morena wa rona. Ke bua boammaaruri mo go Keresete, ga ke ake; – segakolodi sa me le sona se ntshupela jalo ka Mowa o o Boitshepo – ka re, ke tletse bohutsana jo bogolo, pelo ya me e utlwa botlhoko ka gale. Kana ke ne ke eletsa gore e kete nka bo ke hutsitswe ka nosi le go kgaolwa mo go Keresete mo boemong jwa ba ga etsho, ba e leng ba losika lwa me ka fa nameng. Ke raya Baiseraele ba ba amogetseng bongwana jwa Modimo le kgalalelo le dikgolagano le neo ya molao le tirelo-Modimo le ditsholofetso; ba borraetsho e leng ba bone, ba Keresete o duleng mo go bone ka fa nameng, yo e leng Modimo o o okameng tsotlhe, yo o bakwang ka bosakhutleng. Amen. Fela ga se go re, Lefoko la Modimo le nyeletse; gonne ga se go re, ba ba duleng mo go Iseraele ke Baiseraele botlhe. Le gona ga se go re, botlhe ke bana, ka e le ba losika lwa ga Aborahame; mme ga twe: “Losika lwa gago lo tla bidiwa ka Isaka.” Ke go re, ba e leng bana ka fa nameng fela, ga se bone bana ba Modimo; bana ba tsholofetso ke bone bana ba losika. Gonne Lefoko le le reng: “Ke tla tla isago ka nako eno, mme Sara o tla bo a na le ngwana wa mosimane,” ke la tsholofetso. Mme ga se gona fela; le ene Rebeka o ne a nna moimana ka mongwe, e bong Isaka rraetsho; gonne e rile bana ba ise ba tsalwe, ba ise ba dire molemo gongwe bosula, a bolelelwa go re: “Yo mogolo o tla direla yo mmotlana,” gore boikaelelo jwa Modimo jwa go tlhaola bo tlhomame, e seng ka ditiro, mme e le ka thato ya yo o bitsang; jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke ratile Jakobe, mme Esau ke mo tlhoile.” Jaanong re tla reng? A go na le tshiamololo mo Modimong? Le go ka! Gonne o reile Moše wa re: “Ke tla utlwela botlhoko yo ke tla mo utlwelang botlhoko; ke tla tlhomogela pelo yo ke tla mo tlhomogelang pelo.” Jaanong he, ga se ga yo o ratang, gongwe ga yo o tabogang, mme ke ga Modimo fela o o utlwelang botlhoko; gonne Lokwalo le reile Farao lwa re: “Ke go tsoseditse gona moo gore ke tle ke supe thata ya me mo go wena, le gore leina la me le itsisiwe mo lefatsheng lotlhe.” Ke ka moo o itshwarelang yo o ratang go mo itshwarela; e bile o thatafatsa pelo ya yo o ratang go e thatafatsa mo go ene. Jaanong o ka mpotsa o a re: “O sa ntse o kgalemelelang? Kana ke mang yo o ka emelanang le go rata ga ona?” Motho ke wena! Kana o mang yo o ka ganetsanyang le Modimo? A sebopiwa se ka raya mmopi wa sona sa re: “O mpopetseng jaana?” A kampo mmopi ga a na thata mo letsopeng go dira selwana sengwe sa tlotlego le se sengwe sa tlotlologo, e ntse e le ka letsopa le le lengwe fela? Mme wena o ka reng, fa Modimo o o ratileng go supa bogale jwa ona le go itsise thata ya ona, o itshoketse ka bopelotelele jo bogolo dilwana tsa bogale tse di diretsweng tshenyego, gore o tle o supe lehumo la kgalalelo ya ona ka dilwana tsa bopelotlhomogi tse o di baakanyeditseng kgalalelo e sa le gale? Le rona o re biditse jalo, e seng mo Bajuteng fela, mme le mo baheitaneng; jaaka e bile o bua ka Hosea o re: “Morafe o e neng e se wa me, ke tla o bitsa morafe wa me, le yo e neng e se moratwi, ke tla mmitsa moratwi.” Gape: “Go tla dirafala go re, kwa ba neng ba boleletswe teng ga twe: ‘Lona ga lo batho ba me,’ teng ba tla bidiwa bana ba Modimo o o phelang.” Jesaya ene o kua ka ga Iseraele a re: “Le fa palo ya Baiseraele e le kana ka mošawa wa lewatle, go tla pholosiwa masalela fela. Gonne Morena o tla dirafatsa sa Lefoko la gagwe mo lefatsheng, a se fetsa ka bonako.” Jaaka Jesaya a bile a bua pele a re: “Fa Morena wa masomosomo a ka bo a sa re tlogelela losika, re ka bo re diregile jaaka Sotoma, ra tshwana le Gomora.” Jaanong re tla reng? Re tla re: Baheitane ba ba neng ba sa senke tshiamo ba amogetse tshiamo, mme e le tshiamo e e tswang mo tumelong. Baiseraele bone ba ba neng ba batla molao wa tshiamo, ga ba a ka ba bona molao oo. E le ka ntlha ya eng? E le ka go sa o batle ka tumelo, mme e le ka ditiro; jaanong ba kgopilwe ke lentswe le le kgopang; jaaka go kwadilwe ga twe: “Bonang, ke baya lentswe la kgopo mo Sione, lefika la kgopiso; mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene ga a nke a tlhajwa ke ditlhong.” Ba ga etsho, keletso ya pelo ya me le thapelo ya me mo Modimong ka ntlha ya bone ke ya gore ba bone pholoso; gonne ke supa ka ga bone gore ba tlhoafaletse Modimo, mme e seng ka tlhaloganyo. Gonne e re ka ba sa itse tshiamo ya Modimo, e bile ba lekile go itlhomela tshiamo ya bone ka bosi, ga ba a ka ba ikokobeletsa tshiamo ya Modimo. Gonne Keresete ke bofelelo jwa molao gore tshiamo e bonwe ke mongwe le mongwe yo o dumelang; gonne Moše o kwadile a re: “Motho yo o dirisang tshiamo e e leng ka molao o tla tshela ka yona.” Mme tshiamo e e leng ka tumelo yona e bua jaana e a re: “O se ka wa bua mo pelong ya gago o a re: Ke mang yo o tla tlhatlogelang kwa legodimong?” Go re jalo ke go folosa Keresete teng; gongwe: “Ke mang yo o tla fologelang kwa botennye?” Go re jalo ke go tlhatlosa Keresete mo baswing. Mme e a reng? E a re: “Lefoko le gaufi nao, le mo molomong wa gago le mo pelong ya gago.” Ke lone Lefoko la tumelo le re le rerang. Gonne fa o ipolela ka molomo o re, Jesu ke Morena, o dumela ka pelo gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tla pholosiwa. Gonne go dumela ka pelo go isa motho tshiamong; go ipolela ka molomo go isa pholosong. Gonne Lokwalo lo a re: “Mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene ga a nke a tlhajwa ke ditlhong.” Kana ga go na pharologanyo mo Mojuteng le Mogerika; gonne ene ke Morena wa botlhe, o humetse botlhe ba ba mmitsang; gonne ga twe: “Mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la Morena o tla pholosiwa.” Jaanong ba ka bitsa jang yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang ba ise ba utlwe ka ga gagwe? Ba ka utlwa jang go se na moreri? Ba ka rera jang ba sa rongwe? Jaaka go kwadilwe ga twe: “Kana di dintle jang ne dinao tsa bone ba ba rerang mafoko a a thabisang a a molemo!” Fela Efangele ga ba a ka ba e utlwisisa botlhe; gonne Jesaya a re: “Morena, ke mang yo o dumetseng thero e re e utlwileng?” Jaanong he, tumelo e tla ka thero, thero yona e tla ka taelo ya ga Keresete. Mme ka re: A ruri ga ba a ka ba utlwa? Ba utlwile; gonne “Tumo ya bone bareri e ile mo lefatsheng lotlhe, mafoko a bone a ile kwa mafelelong a lone.” Gape ka re: A ruri Baiseraele ga ba a ka ba tlhaloganya? Moše o buile pele a re: “Ke tla lo tlhotlheleletsa lefufeng ka ba e seng morafe wa Modimo, ke lo gakatsa ka morafe o o se nang tlhaloganyo.” Mme Jesaya o betile pelo a re: “Ke bonywe ke bone ba ba neng ba sa ntshenke, ke senogetse ba ba neng ba sa botse sepe ka ga me.” Mme ka ga Baiseraele gona o a re: “Ke otlololetse batho ba ba sa utlweng, ba ba ganetsang, mabogo letsatsi lotlhe.” Jaanong ka re: A ke go re, Modimo o latlhile morafe wa ona? Le go ka! Kana le nna ke Moiseraele wa losika lwa ga Aborahame, wa lotso lwa ga Benyamene. Modimo ga o a ka wa latlha morafe wa ona o o o itsileng pele. A kampo ga lo itse se Lokwalo lo se buang le Elia, fa a lela ka ga Baiseraele fa pele ga Modimo a re: “Morena, ba bolaile baporofeti ba gago, ba digile dialetare tsa gago, ke setse ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.” Karabo ya Modimo e mo reile ya reng? Ya re: “Ke itshadiseditse banna ba le 7 000, ba ba iseng ba ke ba khubamele Baale.” Go ntse jalo le kajeno, go na le masalela ka fa tlhaolong ya bopelotlhomogi. Mme fa e le ka bopelotlhomogi, ga e tlhole e le ka ditiro; gonne foo bopelotlhomogi e ka bo e sa tlhole e le bopelotlhomogi; mme fa e le ka ditiro, ga e tlhole e le ka bopelothomogi; gonne foo tiro e ka bo e sa tlhole e le tiro. Go ntse jang jaanong? Se Baiseraele ba neng ba se batla ga ba a ka ba se bona; mme ba ba tlhaotsweng ba se bonye; ba bangwe bone ba thatafaditswe dipelo, jaaka go kwadilwe ga twe: “Modimo o ba file mowa wa kidibalo, le matlho a a sa boneng, le ditsebe tse di sa utlweng go fitlha mo letsatsing la gompieno.” Mme Dafita a re: “A tafole ya bone e nne mutlwane le lemena le sekgopi le pusoloso mo go bone. A matlho a bone a fifale gore ba se ka ba bona; mekokotlo ya bone o e konele ruri.” Jaanong ka re: A ba kgopilwe gore ba tle ba we? Nnyaya! Ka go wa ga bone pholoso e tletse baheitane gore lefufa le tsoge mo Bajuteng. Mme fa go wa ga bone go humisa lefatshe, le boikepo jwa bone e le khumiso ya baheitane, go dirafatsa thato ya Modimo ga bone gona go ka humisa bogolo jang ne! Kana ke bua le lona baheitane ka re: E re ka ke le moapostolo wa baheitane, ke tlotla tiro ya me, e tle e re gongwe ke tsose lefufa mo go bone ba e leng ba morafe wa ga etsho, ke pholose bangwe ba bone. Gonne fa tatlhego ya bone e le thuanyo ya lefatshe, kana go tsholwa gape ga bone gona e ka nna eng fa e se bophelo jwa baswi? Mme fa senkgwe sa pele se le boitshepo, modubo wa sona le ona o tla bo o le boitshepo; fa medi e le boitshepo, dikala le tsona di tla bo di le boitshepo. Jaanong fa dikala tse dingwe di kgaotswe, mme wena yo o neng o le setlhare sa olefa sa naga, wa lomelelwa mo gare ga tsona, wa tlhakanela modi le monono wa setlhare sa olefa sa legae, foo o se ka wa belafalela dikala. Fa o ka belafala, itse gore kana ga se wena yo o rweleng modi, mme modi o rwele wena. Go gongwe o tla re: “Kana dikala di kgaotswe gore nna ke lomelelwe teng.” Go siame, di kgaotswe ka go tlhoka tumelo, mme wena o eme ka tumelo. O se ka wa ikgodisa, mme o boife. Gonne fa Modimo o sa rekegela dikala tse e leng tsona tota, le wena ga o kitla o go rekegela. A o ko o lemoge molemo le bogale jwa Modimo; bogale mo go bone ba ba oleng, molemo ona mo go wena, fa o ka sala mo molemong; go seng jalo le wena o tla kgaolwa. Gape, le bone, fa ba sa sale mo go sa dumeleng, ba tla lomelelwa; Modimo o nonofile go ba busetsa mo mannong a bone. Gonne fa wena o kgaotswe mo setlhareng sa olefa sa naga o le wa sona, mme wa lomelelwa mo setlhareng sa olefa sa legae o se wa sona, kana bogolo jang bone ba e ntseng e le ba sona tota ba ka busediwa mo setlhareng sa olefa sa legae sa bone! Ba ga etsho, ga ke rate go lo lobela bosaitsiweng jo, gore lo se itlhome lo le botlhale, e bong bosaitsiweng jwa go re: Boithatafatso bo tsile mo Baiseraeleng ka ntlha nngwe go ya baheitane ba tsene pele ka palo e e tletseng. Ke gona Baiseraele botlhe ba tla pholosiwang jaaka go kwadilwe ga twe: “Mogolodi o tla tswa mo go Sione, a tlosa boikepo mo go Jakobe. Ke yona kgolagano ya me le bone, motlhang ke tlosang dibe tsa bone.” Jaanong ka go gana Efangele ke baba ba Modimo ka ntlha ya lona; mme ka fa tlhaolong gone ke baratwi ka ntlha ya borraetsho. Gonne dineo tsa bopelotlhomogi le pitso ya Modimo ga di dirololwe. Gonne lona e rile pele lwa bo lo sa utlwe Modimo, mme jaanong lo utlwetswe botlhoko ka go sa utlweng ga bone, le bone jalo kajeno ga ba utlwe, gore le bone ba tle ba utlwelwe botlhoko ka boutlwelo-botlhoko jo lona lo bo bonyeng; gonne Modimo o ba tswaletse botlhe mo go sa utlweng gore o tle o ba utlwele botlhoko botlhe. A boteng jwa khumo le jwa botlhale le jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa ona ga di na totolotso jang ne, le ditsela tsa ona ga di na tlhotlhomiso jang ne! “Gonne ke mang yo o itsileng maikaelelo a Morena, gongwe mogakolodi wa gagwe e ne e le mang?” “Gape ke mang yo o mo neileng pele se o tla se busediwang?” Gonne dilo tsotlhe di tswa go ene, di teng ka ene, di ya go ene. Tlotlo a e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen. Jaanong, ba ga etsho, ke a lo kgothatsa, ka re na le kutlwelo-botlhoko ya Modimo, gore lo neele Modimo mebele ya lona go nna setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se o kgatlhang; ke yona tirelo-Modimo ya lona e e lebanyeng. Lo se ka lwa tshwana le lefatshe leno, mme fetogang ka go ntšhwafadiwa maikutlo, gore lo tlhotlhomise se e leng thato ya Modimo e e molemo, e e kgatlhang, e e botlalo. Gonne ke raya mongwe le mongwe wa lona ka bopelotlhomogi jo ke bo neilweng ka re: A a se ikaye mogolo go feta tshwanelo ya go ikaya, mme a a akanye go nna tekano ka fa tumelong e Modimo o e lekanyeditseng mongwe le mongwe. Kana re na le ditokololo tse dintsi mo mmeleng o le mongwe fela, mme ditokololo tsotlhe ga di dire tiro e le nngwe fela, rona re mmele o le mongwe jalo mo go Keresete, le fa re le bantsi, mme rotlhe re direlana re le ditokololo. Jaanong re na le dineo tse di farologanyeng ka fa bopelotlhomoging jo re bo neilweng: Yo o nonotshitsweng go rera a a go dirise ka go utlwana le tumelo; yo o direlang a a tlhokomele tirelo; yo o rutang a a tlhokomele go ruta; yo o kgothatsang a a tlhokomele go kgothatsa; yo o atswang a a atswe ka pelo e tshweu; yo o gogang phuthego a a dire ka tlhoafalo; yo o dirang tsa kutlwelo-botlhoko a a dire a thabile. A lorato e nne lo lo sa itimokanyeng; ilang bosula, kgomarelang molemo. Mo loratong lwa bakaulengwe lo ratane ka pelo yotlhe; gaisanyang ka go tlotlana. Se lapeng mo tlhoafalong, lo tuke mo moweng, lo direle Morena. Itumeleng mo tsholofelong; itshokeleng tlalelo; tswelelang mo thapelong. Abelang baitshepi ba ba tlhokang; itlwaetseng go tshola baeng. Tshegofatsang ba ba lo bogisang; tshegofatsang, mme lo se ka lwa hutsa. Itumeleng le ba ba itumelang, lo lele le ba ba lelang. Nnang bopelonngwe fela. Se batleng dilo tse dikgolo, mme tsalanang le ba ba kwa tlase. Lo se ikaye botlhale ka losi. Se busoloseng bosula jwa ga ope ka bosula; gopolang tse di molemo mo bathong botlhe. Fa go kgonega ka fa thateng ya lona, agisanyang le batho botlhe. Baratwi, lo se ka lwa ipusolosetsa, mme sutelang bogale jwa Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me, nna ke tla busolosa, go bua Morena.” “Jesa mmaba wa gago, fa a tshwerwe ke tlala; mo nose, fa a nyorilwe; gonne ka go dira jalo o tla tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.” O se ka wa fenngwa ke bosula, mme fenya bosula ka molemo. A motho mongwe le mongwe a ikokobeletse balaodi ba ba busang; gonne ga go na mmuso fa e se o o tswang Modimong; mebuso e e le yong e beilwe ke Modimo. Ka moo, yo o ganang mmuso o emelana le puso ya Modimo; mme ba ba o ganang ba tla itsisetsa katlholo. Gonne babusi ga se ba ba boifiwang ka ntlha ya tiro e e molemo, mme e le ka ntlha ya e e bosula. Jaanong fa o sa rate go boifisiwa ke mmuso, dira molemo, mme o tla bona tlotlo mo go ona. Gonne ke modiredi wa Modimo mo go wena gore o bone molemo. Mme fa o dira bosula, o boife; gonne ga o a tsholela tšhaka lefela; ka gonne ke modiredi wa Modimo, ke mmusolosi yo o dirafatsang bogale jwa Modimo mo go ene yo o dirang bosula. Ka ntlha ya moo ke tshwanelo go ikokobetsa, e seng fela ka ntlha ya petso, mme e bile e le ka ntlha ya segakolodi. Ke ka ntlha ya moo lo ntshang lekgetho; gonne ke batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng tiro eo ya bone ka metlha. Jaanong neelang mongwe le mongwe se se mo tshwanetseng: lo neele lekgetho ene yo o tshwanetsweng ke lekgetho, pulatsela ene yo o tshwanetsweng ke pulatsela, poifo ene yo o tshwanetsweng ke poifo, tlotlo ene yo o tshwanetsweng ke tlotlo. Lo fetse tsotlhe tse di tshwanetseng go lešwa, go sale go ratana fela; gonne yo o ratang yo mongwe o dirafaditse molao. Gonne ditaolo tse di reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; o se ka wa eletsa,” le fa go ka ne go le taolo e nngwe e sele, di akareditswe ka lefoko le le reng: “O rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata.” Lorato ga lo direle motho bosula; ke ka moo lorato e leng tirafatso ya molao. Dirang jalo, ka lo itse sebaka gore e setse e le nako ya go tsoga mo thobalong; gonne pholoso e re atametse jaanong bogolo go jale fa re simolola go dumela. Bosigo bo a sa, letsatsi le atametse; ka moo, a re apoleng ditiro tsa lefifi, re apareng marumo a lesedi! A re tsamaeng re itshotse sentle jaaka mo motshegareng, e seng mo medirong ya tlhapelo le ya botagwa, e seng mo marobalelong a boaka le mekgweng e e maswe, e seng mo kgannye le mo lefufeng; mme aparang Morena Jesu Keresete, lo se tlameleng mmele ka mokgwa o o ka tsosang dikeletso tse di bosula. Yo o bokoa mo tumelong lo mo tshole, lo se ganetsanye ka ntlha ya maikutlo. Mongwe o dumela gore o ka ja tsotlhe, mme yo o bokoa o ja merogo fela. Yo o jang a a se nyatse ene yo o sa jeng; mme yo o sa jeng a a se atlhole yo o jang; gonne Modimo o mo amogetse. Kana wena o mang yo o ka atlholang motlhanka wa yo mongwe? Ene o emela gongwe o wela Morena wa gagwe; mme o tla emisiwa, gonne Morena o nonofile go ka mo emisa. Yo mongwe o kaya gore letsatsi lengwe le feta le lengwe; mme yo mongwe ene o kaya gore malatsi a a tshwana. A mongwe le mongwe a tlhomame mo boitlhomong jwa gagwe. Yo o tlotlang letsatsi o le tlotlela Morena; yo o jang o ja ka ntlha ya Morena, gonne o leboga Modimo. Mme yo o sa jeng o lesa go ja ka ntlha ya Morena, mme o leboga Modimo. Gonne ga go ope wa rona yo o itshelelang, e bile ga go ope yo o itshwelang; gonne fa re tshela, re tshelela Morena; fa re swa, re swela Morena; ka moo, le fa re tshela gongwe re swa, re ba Morena. Gonne se Keresete a se swetseng, a ba a tsoga, a phela gape, ke gore a tle a nne Morena wa baswi le baphedi. Mme wena o beelang ngwana wa ga Rraago molato? Gongwe le wena, o nyaletsang ngwana wa ga Rraago? Gonne rotlhe re tla ema fa pele ga sedulo sa katlholo sa Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Ka bophelo jwa me! Mangole otlhe a tla nkhubamela, diteme tsotlhe di tla ipolela Modimo, go bua Morena.” Ke ka moo mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelang ka boene mo Modimong. Jalo he, a re se tlholeng re baana melato, mme bogolo tlhokomelang gore go se nne ope yo o kgopisang mokaulengwe gongwe go mo leofisa. Ke a itse, e bile ke itse ka tlhomamo ka Morena Jesu gore ga go sepe se se itshekologileng ka bosona; mme ene yo o se kayang se itshekologile, se itshekologetse ene. Gonne fa mokaulengwe wa gago a ka belaediwa ke wena ka ntlha ya dijo, foo ò tla bo o sa tlhole o tsamaya ka fa loratong. Motho yo Keresete o mo swetseng ò se ka wa mo senya ka dijo tsa gago. Jaanong a molemo wa lona o se ka wa kgalwa! Gonne puso ya Modimo ga se go ja le go nwa, mme ke tshiamo le kagiso le boitumelo ka Mowa o o boitshepo. Gonne ene yo o direlang Keresete ka tseo ke yo o kgatlhang Modimo, e bile o ikanngwa ke batho. Ka moo he, a re lateleng tsa kagisanyo le tsa ketleetsanyo tumelong! O se ka wa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Dilo tsotlhe di itshekile; mme di bosula mo mothong yo o di jang ka pelaelo. Go molemo, fa go ka tlogelwa go ja nama le go nwa bojalwa le sengwe le sengwe se mokaulengwe wa gago a ka kgopisiwang ke sona. Fa o na le kgololesego, a e nne ya gago ka bowena fa pele ga Modimo. Go sego yo o sa itshekiseng mo go se a se kayang se letleletswe. Mme yo o jang a belaela ene o atlhotswe molato, ka a sa je ka tumelo. Mme sengwe le sengwe se e seng sa tumelo ke boleo. Rona ba re leng thata, re tshwanetse go itshokela makoa a ba ba seng thata, e seng go ikgatlha. A mongwe le mongwe wa rona a kgatlhe mongwe-ka-ene, a mmatlele tse di molemo tsa go thusanya mo tumelong. Gonne Keresete le ene ga a a ka a ikgatlha, mme go ne go le jaaka go kwadilwe ga twe: “Dikgobo tsa ba ba go kgobang di nkwetse godimo.” Kana tsotlhe tse di kwadilweng pele di kwaletswe go re ruta gore re tle re nne le tsholofelo ka go tshwarelela le ka go kgothadiwa ke Dikwalo. Jaanong a Modimo wa tshwarelelo le wa kgothatso o lo thuse gore lo utlwane ka fa thatong ya ga Keresete Jesu, gore lo galaletse Modimo, Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka bongwefela jwa pelo ka molomo o le mongwe fela. Tsholanang he, jaaka Keresete le ene a re tsholetse go galaletsa Modimo. Gonne ka re, Keresete o ne a nna modiredi wa Bajuta ka ntlha ya boammaaruri jwa Modimo, gore a tlhomamise tse borraetsho ba di boleletsweng pele, mme baheitane bone ba galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelo-botlhoko, jaaka go kwadilwe ga twe: “Ka ntlha ya moo ke tla go baka mo baheitaneng, ke opelela leina la gago.” Go bile ga twe: “Lona baheitane, itumeleng mmogo le morafe wa gagwe!” Ga ba ga twe: “Bakang Morena, lona baheitane lotlhe, lo mmake, lona merafe yotlhe!” Gape Jesaya a re: “Go tla tla modi wa ga Isai, e bong ene yo o tsogang go laola baheitane; baheitane ba tla solofela mo go ene.” Mme jaanong a Modimo wa tsholofelo o lo tlatse boitumelo jotlhe le kagiso ka go dumela gore lo tote bogolo mo tsholofelong ka thata ya Mowa o o Boitshepo. Ba ga etsho, le nna ka nosi ke itse tota ka ga lona gore lo tletse molemo, lo tladitswe kitso yotlhe; e bile lo nonofile go kaelana. Le fa go ntse jalo, e re ka ke ne ke rata go lo gakolola gape, ke lo kwaletse mo gongwenyana ka bopelokgale ka ntlha ya bopelotlhomogi jo ke bo filweng ke Modimo gore ke nne modiredi wa ga Keresete Jesu mo baheitaneng le moperesiti wa Efangele ya Modimo, gore baheitane ba nne tshupelo e e amogelegang, e e itshepisitsweng ke Mowa o o Boitshepo. Ke ka moo ke nang le go ka ipoka mo go Keresete Jesu ka ntlha ya go direla Modimo. Gonne ke tla beta pelo fela go bolela tse Keresete o neng a di dira ka nna go isa baheitane kutlong ka mafoko le ditiro, ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso le ka thata ya Mowa wa Modimo, mo ke bileng ke tlatsa lefatshe Efangele ya ga Keresete go simolola kwa Jerusalema le mo tikologong go ya go fitlha kwa Ileriko. Ke ne ke itlotla ka go rera Efangele, kwa Keresete a iseng a bolelwe teng gore ke se ka ka aga mo motheong wa yo mongwe. Mme e le jaaka go kwadilwe ga twe: “Ba ba iseng ba itsisiwe ka ga gagwe ba tla bona, le ba ba iseng ba utlwe ba tla tlhaloganya.” Ke ka moo ke neng ke tshwarega gantsi go tla koo go lona. Jaanong e re ka ke sa tlhole ke na le kwa ke yang teng mo mafatsheng ano, e bile e setse e le dingwaga tse dintsi, ke ntse ke tlhologeletswe go tla koo go lona, motlhang ke yang kwa Sepania; gonne ke solofela go lo bona, fa ke feta koo, le go romelwa teng ka thuso ya lona, ke sena go lapolosiwa pelo go se kae mo go lona. Mme jaanong ke etela kwa Jerusalema, ke ya go direla baitshepi; gonne ba Maketonia le Agaya ba bonye go le molemo go phuthela bahumanegi ba baitshepi ba ba kwa Jerusalema dikatso. Ee, ba ratile jalo, e bile ba sesuga mo go bone; gonne fa baheitane ba abetswe dilo tsa bone tsa mowa, ke tshwanelo ya bone gore ba ba leboge ka dilo tsa bone tsa mmele. E tla re fa ke sena go swetsa jalo le go tsenya maungo a dikabelo mo diatleng tsa bone, ke fete ka lona, fa ke ya kwa Sepania. Mme ke itse gore mogang ke tlang koo go lona, ke tla tla ka lesego le le tletseng la Efangele ya ga Keresete. Bakaulengwe, ke lo rapela ka Morena wa rona Jesu Keresete le ka lorato lwa Mowa gore lo nthuse mo ntweng ka go nthapelela Modimo gore ke falodisiwe mo go bone ba ba kwa Jutea, ba ba ganang go utlwa, le gore tirelo ya me e ke e direlang Jerusalema e natefele baitshepi, e tle e re fa e le go rata ga Modimo ke tle koo go lona ka boitumelo, ke lapologe ke le mo go lona. A Modimo wa kagiso o nne le lona lotlhe! Amen. Ke lo laela Febe, kgaitsadia-rona, yo e leng modiredi wa phuthego ya kwa Kenegerea, gore lo mo tshole mo Moreneng jaaka go tshwanetse baitshepi, le go mo thusa ka fa a batlang thuso ya lona ka teng; gonne le ene e ne e le mothusi wa ba bantsi le wa me ka nosi. Dumedisang Perisila le Akwila, bathusi ba me mo go Keresete Jesu, ba ba femetseng botshelo jwa me ka dithamo tsa bone, ba ke ba lebogang, mme e seng nna fela; e bile ba lebogwa ke diphuthego tsotlhe tse di tswang mo baheitaneng. Dumedisang le phuthego e e kgobokanelang mo ntlong ya bone. Dumedisang Epeneto, moratwi wa me, yo e leng ene wa ntlha yo o ineetseng Keresete kwa Asia. Dumedisang Maria yo o itapisitseng gagolo ka ntlha ya rona. Dumedisang Anteroniko le Junia, ba setšhaba sa ga etsho, ba ba neng ba tshwerwe mmogo le nna, ba ba tumileng mo baapostolong, ba ba bileng ba ineetse Keresete pele ga me. Dumedisang Ampelea, moratwi wa me mo Moreneng. Dumedisang Urubano, mothusi wa rona mo go Keresete, le Setagi, moratwi wa me. Dumedisang Apele yo o ikanyegang mo go Keresete. Dumedisang bakaulengwe mo go ba ga Arisetobulo. Dumedisang Herodione wa setšhaba sa ga etsho. Dumedisang ba e leng ba Morena mo go ba ga Narekiso. Dumedisang Terefina le Terefosa, basadi ba ba direlang Morena. Dumedisang Peresise yo o rategang, mosadi yo o diretseng Morena thata. Dumedisang Rufo, motlhaolwi wa Morena, le mmaagwe yo le nna e leng mme. Dumedisang Asinkerito le Felegone le Hereme le Pateroba le Herema le bakaulengwe ba ba nang nabo. Dumedisang Filologo le Julia le Nereo le kgaitsadie le Olempa le baitshepi botlhe ba ba nang nabo. Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo. Diphuthego tsotlhe tsa ga Keresete di a lo dumedisa. Mme jaanong, bakaulengwe, ke lo rapela gore lo ele bone tlhoko ba ba tsosang dikgaogano le dikgopiso kgatlhanong le thuto e lo e ithutileng mo go rona, lo ba efoge. Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Keresete Morena wa rona, mme ba direla dimpa tsa bone; dipelo tsa ba ba sa sekasekeng ba di tsietsa ka mafoko a a borethe le ka dipuo tse dintle. Kana kutlo ya lona e itsegile mo go botlhe. Ka moo ke a lo itumelela, ke bile ke eletsa gore lo tlhalefele molemo; mme lo sisimoge bosula. Modimo wa kagiso o tla gatelela Satane ka bonako fa tlase ga dinao tsa lona. A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu bo nne le lona! Timotheo, mothusi wa me, le Lukio le Jasone le Sosipatere, ba setšhaba sa ga etsho, ba a lo dumedisa. Nna, ke le Teretio, mokwadi wa lokwalo lo, ke lo dumedisa mo Moreneng. Gayo yo ke nnang mo ntlong ya gagwe, yo o tsholang phuthego yotlhe, o a lo dumedisa. Eraseto, motsholamadi wa motse, le Kwarato, mokaulengwe, ba a lo dumedisa. A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona lotlhe! Amen. Ona o o nonofileng go ka lo tiisa ka fa Efangeleng ya me, le ka fa therong ka ga Jesu Keresete, ka fa ponatshegong ya bosaitsiweng jo bo neng bo subilwe go tswa bosasimologeng, jo jaanong bo senotsweng ka dikwalo tsa baporofeti, jwa itsisiwa merafe yotlhe ka fa taolong ya Modimo o o sa khutleng gore e ineele mo kutlong ya tumelo; ona Modimo o o leng botlhale o le osi, a kgalalelo e nne ya ona ka Jesu Keresete ka bosakhutleng! Amen. Nna Paulo, moapostolo yo o biditsweng wa ga Jesu Keresete ka thato ya Modimo, le Sosethene mokaulengwe: Re kwalela phuthego ya Modimo ya kwa Korinthe, e bong ba ba itshepisitsweng mo go Keresete Jesu, baitshepi ba ba biditsweng, le bone botlhe ba ba bitsang leina la Morena wa rona Jesu Keresete mo mafelong otlhe a bone le a rona: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete! Ke ntse ke leboga Modimo wa me ka ga lona ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo lo bo neilweng mo go Keresete Jesu, ka lo humisitswe ka ene ka tsotlhe, ka thuto yotlhe le ka kitso yotlhe, jaaka tshupo ya ga Keresete e tlhomamisitswe mo go lona, fa e bileng lo sa tlhoke neo epe, lo ntse lo lebeletse tshenogo ya Morena wa rona Jesu Keresete, yo e bileng a tla lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo nne ba ba se nang molato ka letsatsi la Morena wa rona Jesu Keresete. Modimo o boikanyo, o lo bileditsweng ke ona go kopanngwa le Morwaa-ona Jesu Keresete, Morena wa rona. Ba ga etsho, ke lo rapela ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lo bue puo e le nngwe fela lotlhe, go se nne dikgaogano mo go lona, lo nne lo tshwaraganye ka boitlhômô bo le bongwe fela le ka kutlwano. Bakaulengwe ba me, kana ke begetswe ke ba ga Keloe ka ga lona gore go na le dikganetsanyo mo go lona; ke raya gore mongwe wa lona a re: “Nna ke wa ga Paulo;” yo mongwe a re: “Nna ke wa ga Apolo;” yo mongwe a re: “Nna ke wa ga Kefa;” yo mongwe a re: “Nna ke wa ga Keresete.” A Keresete o kgaogantswe naa? A Paulo o lo bapoletswe? Gongwe a lo kolobeditswe ka leina la ga Paulo? Ke leboga Modimo, ka ke sa kolobetsa ope wa lona fa e se Kerisepo le Gayo, gore go se nne ope yo o ka reng, lo kolobeditswe ka leina la ka. Le gale le ba ntlo ya ga Setefane ke ba kolobeditse; mme kwa ntle ga bao ga ke itse gore a go sa na le mongwe yo ke mo kolobeditseng. Gonne Keresete ga a nthoma gore ke kolobetse, mme e le gore ke rere Efangele, e seng ka botlhale jwa puo, gore sefapaano sa ga Keresete se se ka sa nna lefela. Gonne lefoko la sefapaano ke bosilo fela mo go bone ba ba latlhegang, mme mo go rona ba re pholosiwang ke thata ya Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Ke tla senya botlhale jwa matlhale, ke nyeletsa tlhaloganyo ya batlhaloganyi.” Yo o botlhale o kae? Moitsedikwalo o kae? Motlhotlhomisi wa lefatshe leno o kae? A Modimo ga o a silofatsa botlhale jwa lefatshe leno? Gonne, e re ka lefatshe le se ka la tlhaloganya Modimo ka botlhale jwa lone ntlheng ya botlhale jwa one, Modimo wa kgatlhega go pholosa ba ba dumelang ka bosilo jwa thero. Kana Bajuta ba batla sesupo, Bagerika bone ba eletsa botlhale; mme rona re rera Keresete yo o bapotsweng, yo e leng sekgopi mo Bajuteng le bosilo mo Bagerikeng; mme mo go bone ba ba biditsweng, e bong Bajuta le Bagerika, re rera Keresete, yo e leng thata ya Modimo le botlhale jwa ona. Gonne se se kaiwang bosilo jwa Modimo ke botlhale jo bo gaisang jwa batho; le se se kaiwang bokoa jwa Modimo ke thata e e fetang ya batho. Ba ga etsho, a lo ke lo lebe go bidiwa ga lona: Ga go na batlhalefi ba bantsi mo go lona ka fa nameng, ga go na bathata ba bantsi, ga go na batlotlegi ba bantsi. Mme tse di kaiwang bosilo mo lefatsheng ke tsona tse Modimo o di itlhaoletseng gore o tlhabise matlhale ditlhong; le tse di kaiwang bokoa mo lefatsheng ke tse Modimo o di itlhaoletseng gore o tlhabise tse di thata ditlhong; le tse di se nang tlotlo mo lefatsheng le tse di nyatsegang, e bong tse e seng tsa sepe, ke tsona tse Modimo o di itlhaoletseng gore o nyeletse tse e leng tsa sengwe, gore go se nne ope wa nama yo o ka ipokang fa pele ga Modimo. Mme ke ka ona, fa lona lo le mo go Keresete Jesu, yo Modimo o mo re diretseng botlhale le tshiamo le boitshepiso le kgololo, gore go nne jaaka go kwadilwe ga twe: “Yo o ipokang a a ipoke ka Morena!” Bakaulengwe, le nna e rile ke tla koo go lona, ka feta ka lo bolelela tshupo ya Modimo, e seng ka mafoko a a gaisang le e seng ka botlhale jo bogolo. Gonne ke ne ke sa ikaelela go lo itsise sepe fa e se Jesu Keresete fela, ene yo o bapotsweng. Le gona ke ne ke le mo go lona ka bokoa le poifo le thoromo e kgolo. Gape, thuto ya me le thero ya me ga di a ka tsa dirafala ka mafoko a a kgonang ka botlhale, mme e ne e le ka tshupo ya Mowa le ya thata, gore tumelo ya lona e se ka ya ema ka botlhale jwa batho, mme e eme ka thata ya Modimo. Le gale botlhale re a tle re bo bue mo go ba ba botlalo; mme ga se botlhale jwa lefatshe leno le e seng jwa balaodi ba lefatshe leno ba ba nyelelang. Mme re bua botlhale jwa Modimo jo e leng bosaitsiweng, jo bo fitlhegileng, jo Modimo o sa leng o bo rulaganya pele, dipaka di ise di nne teng go re isa kgalalelong, jo bo neng bo sa itsiwe ke ope wa balaodi ba lefatshe leno; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo. Mme go ntse jaaka go kwadilwe ga twe: “Tse leitlho le sa di bonang, tse tsebe e sa di utlwang, tse di sa tsenang mo pelong ya motho, ke tsona tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.” Mme Modimo o di re senoletse ka Mowa wa ona; gonne Mowa o tlhotlhomisa dilo tsotlhe, le tse di boteng tsa Modimo. Kana ke mang mo bathong yo o itseng tse di mo mothong, fa e se mowa wa motho o o mo go ene? Le gona jalo ga go ope yo o itseng tse di mo Modimong fa e se Mowa wa Modimo. Mme rona ga re a tshola mowa wa lefatshe, re na le Mowa o o tswang mo Modimong gore re tle re itse dilo tse re di abetsweng ke Modimo; tse e bileng re di bolela, e seng ka mafoko a a rutwang ka botlhale jwa botho, mme e le ka a a rutwang ke Mowa o o Boitshepo ka go tlhalosetsa ba Mowa tsa Mowa. Mme motho wa nama ga a tshole dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne di bosilo mo go ene, ga a kgone go di tlhaloganya; gonne di ka atlholwa ka Mowa fela. Wa mowa o atlhola tsotlhe, mme ene ka esi ga a atlholwe ke ope. “Ke mang yo o itsileng boitlhômô jwa Morena go ka mo ruta?” Mme rona re na le boitlhômô jwa ga Keresete. Mme nna, bana ba ga Rra, ke ne ke sa ka ke ka bua le lona jaaka ba e leng ba mowa, mme e le jaaka ba e leng ba nama, jaaka masea mo go Keresete. Ke lo otlile ka mašwi, e seng ka dijo tse di tiileng; gonne lo ne lo ise lo di nonofele. Tota le jaanong ga lo ise lo di nonofele. Ka gonne lo sa ntse lo le ba nama. E re ka lefufa le dikgang le dikgaogano di le mo go lona, a ga lo ba nama, a ga lo tsamae ka fa boitaolong jwa motho? Kana jaaka mongwe a re: “Ke wa ga Paulo;” yo mongwe a re: “Ke wa ga Apolo,” a ga lo batho fela? Kana Paulo ke eng? Le Apolo ke eng? Ke badiredi fela ba lo dumetseng ka bone, mme e le ka fa Morena abetseng mongwe le mongwe ka teng. Nna ke tlhomile, Apolo o nositse, mme Modimo o tlhogisitse. Jaanong he, yo o tlhomang ga a sepe le yo o nosang ga a sepe; mme yo o leng sengwe ke Modimo fela o o tlhogisang. Yo o tlhomang le yo o nosang ba a lekana; mme mongwe le mongwe o tla amogela tuelo ya gagwe ka fa matsapeng a gagwe. Kana rona re badira-mmogo ba Modimo, lona lo temo ya Modimo, lo kago ya Modimo. Nna ke thaile mothao jaaka moagi yo o botlhale ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo jo ke bo neilweng; yo mongwe o tla aga mo go ona. Mme a mongwe le mongwe a ele tlhoko ka fa a agang mo go ona ka teng. Gonne ga go ope yo o ka thayang mothao o sele, fa e se ona fela o o thailweng, e bong Jesu Keresete. Mme fa mongwe a ka aga mo mothaong oo ka gouta gongwe ka selefera le fa e le ka majwe a mantle gongwe ka dikgong kampo ka bojang kampo ka dirite, tiro ya mongwe le mongwe e tla bonatsega; gonne letsatsi la katlholo le tla e bonatsa, ka e tla senolwa ka molelo, mme molelo o tla leka tiro ya mongwe le mongwe gore e ntse jang. Fa tiro ya motho e sa šwe e o e agileng mo go ona, o tla amogela tuelo. Mme fa tiro ya motho e ka šwa, o tla senyegelwa, mme ene ka esi o tla phologa, mme e le fela jaaka yo o falotseng mo molelong. A ga lo itse gore lo Tempele ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o agile mo teng ga lona? Fa mongwe a senya Tempele ya Modimo, Modimo o tla mo senya; gonne Tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yona. A go se nne ope yo o itsietsang! Fa mongwe mo go lona a itshema yo o botlhale mo lefatsheng leno, a a nne bosilo gore a tle a tlhalefe; gonne botlhale jwa lefatshe leno ke bosilo fa pele ga Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Batlhalefi o ba tshwara mo boferefereng jwa bone.” Gape go a twe: “Morena o itse maikaelelo a matlhale gore ke boithamako.” Ka moo a go se nne ope yo o ipokang ka batho; gonne tsotlhe ke tsa lona; le fa e le Paulo gongwe Apolo gongwe Kefa gongwe lefatshe gongwe bophelo gongwe loso gongwe tsa kajeno gongwe tse di tlang, tsotlhe ke tsa lona; mme lona lo ba ga Keresete, Keresete ene ke wa Modimo. A motho mongwe le mongwe a re kaye jaaka re le batlhanka ba ga Keresete le balebeledi ba masaitsiweng a Modimo. Mme kana go batlega mo go bone balebeledi gore mongwe le mongwe a fitlhelwe a le boikanyo. Mme mo go nna ke selo se sennyennye go ka atlholwa ke lona gongwe ka katlholo ya batho: Ee, le nna ka nosi ga ke ikatlhole; gonne ga ke itemoge sepe, mme ga se gore ke kaiwa mosiami ka go re jalo; yo o nkatlholang ke Morena. Ka moo he, lo se ka lwa atlhola sepe, e ise e nne nako, go ya Morena a tle yo o tla ntshetsang leseding tse di fitlhilweng tsa lefifi, a senola maikaelelo a dipelo; foo mongwe le mongwe o tla bona poko mo Modimong. Ba ga etsho, dilo tseo ke di lebisitse mo go nna le Apolo ka ntlha ya lona gore lo ithute ka rona, mme lo se nne le maikutlo a a fetang tse di kwadilweng, gore go se nne ope mo go lona yo o ikgogomosang ka moruti mongwe, a nyatsa yo mongwe. Ke mang yo o go nayang go gaisa ba bangwe? O na le eng se o sa se newang? Mme fa o se neilwe, o ipokelang jaaka e kete ga o a se newa? Lo setse lo kgotshe. Lo setse lo humile. Lo busa kwa ntle ga rona. Mme e kete lo ka busa tota, ra tla ra busa mmogo le lona! Gonne ke bona gore e kete rona baapostolo Modimo o re beile kwa moragorago jaaka ba ba atlholetsweng loso; gonne re diregile tshameko e e lejwang ke lobopo lotlhe, e bong baengele le batho. Rona re masilo ka ntlha ya ga Keresete, mme lona lo matlhale mo go Keresete; rona re bokoa, mme lona lo thata; lona lo batlotlegi, mme rona re banyatsegi. Nako e sa le eno re tshwerwe ke tlala le lenyora, ga re a ikatega, re a itewa, ga re na boago jwa tlhomamo. Re itapisa ka tiro ya diatla tsa rona; fa re omanngwa, rona re a tshegofatsa; fa re bogisiwa, rona re a itshoka. Fa re kgalwa, rona re bua ka molemo; re diregile matlakala a lefatshe le makgobolo a botlhe, nako e sa le eno. Ga ke kwale dilo tseo go lo tlhabisa ditlhong, mme e le go lo kaela jaaka bana ba me ba ba rategang; gonne le fa lo ka bo lo na le balai ba le dikete di le some mo go Keresete, borraeno bone ga ba bantsi; ka gonne ke nna ke lo tsetseng mo go Keresete Jesu ka Efangele. Ke ka moo ke lo layang ke re: Nnang baetsi ba me! Ke gona ka moo ke lo rometseng Timotheo yo e leng morwaake yo o rategang, yo o ikanyegang mo Moreneng. Ke ene yo o tla lo gopotsang ditsela tsa me mo go Keresete, jaaka ke ruta gongwe le gongwe mo diphuthegong tsotlhe. Mme ba bangwe ba ikgogomositse, jaaka e kete ga ke ne ke tla koo go lona. Mme ke tla akofa ke tla koo go lona, fa Morena a rata; foo ke tla itse thata ya bone ba ba ikgogomositseng, e seng mafoko a bone. Gonne puso ya Modimo ga e mo mafokong, mme e mo thateng. Jaanong lo ratang? A ke ke tle go lona ka thupa gongwe ka lorato le ka mowa wa bonolo? Go utlwetse tota gore mo go lona go na le boaka, mme e le boaka jwa mokgwa o le mo baheitaneng o seng teng, wa gore mongwe o na le mosadi wa ga rraagwe. Mme lona lo sa ntse lo budulogile; bogolo lo ka bo lo utlwa botlhoko gore yo o dirileng tiro e e ntseng jalo a tlosiwe mo go lona! Fa e le nna yo ke seng teng koo ka mmele, mme ka mowa ke le teng, ke setse ke atlhotse yo o dirileng jalo, fela jaaka e kete ke ne ke le teng, ka re: E re re sena go kgobokana ka leina la Morena Jesu, lona le mowa wa me, re na le thata ya ga Jesu, Morena wa rona, yo o ntseng jalo a neelwe Satane gore nama ya gagwe e senyege, mme mowa ona o tle o phologe ka letsatsi la Morena. Maipoko a lona ga a mantle. A ga lo itse gore matlhabego a mannye a bedisa modubo otlhe? Tlosang he matlhabego a bogologolo gore lo nne modubo o mošwa, jaaka lo le ba ba sa bedisiwang; gonne le rona, kwana ya Tlolaganyo re e tlhabetswe, e bong Keresete. Ka moo, a re direng moletlo ka go sa bedisiwang ga bophepa le boammaaruri, e seng ka matlhabego a bogologolo, le fa e le matlhabego a bosula le bolotsana. Ke lo kwaletse mo lokwalong gore lo se tlhakane le baakafadi; ke sa ree gotlhe le baakafadi ba lefatshe leno gongwe ba ba pelotshetlha gongwe dinokwane gongwe badiredi-medimo; gonne foo lo ka bo lo na le go tlogela lefatshe. Mme tota ke lo kwaletse gore lo se tlhakane le ope yo o bidiwang modumedi, etswe e le moakafadi gongwe yo o pelotshetlha gongwe modiredi-medimo gongwe mokgadi gongwe letagwa gongwe senokwane; ke raya gore yo o ntseng jalo le go ja lo se ka lwa ja nae. Kana nka sekisetsang ba ba kwa ntle? Ke eng lo sa sekise ba ba mo teng? Ba ba kwa ntle Modimo o tla ba atlhola. “Tlosang mosulafatsi yoo mo go lona!” Fa mongwe wa lona a na le kgang le yo mongwe, a ka beta pelo jang go e seka fa pele ga baheitane, mme e se fa pele ga baitshepi? A kampo ga lo itse gore baitshepi ba tla atlhola lefatshe? Mme fa lefatshe le tla atlholwa ke lona, a ga lo a tshwanela go atlhola dilo tse dipotlana bogolo tsa tsheko? A ga lo itse gore re tla atlhola baengele? Bogolo jang dilo tsa bophelo jono! Jaanong ke eng? E a re fa lo seka dilo tsa botshelo jono, lo di batlele bone ba ba sa kaiweng sepe mo phuthegong gore ba di atlhole. Ke bua jalo go lo tlhabisa ditlhong. A ruri ga go na ope yo o botlhale mo go lona, le fa e le a le mongwe fela, yo o ka atlholang fa gare ga modumedi le mongwe-ka-ene? Mme mo go lona modumedi o a tle a seke le mongwe-ka-ene, e bile e le fa pele ga ba ba sa dumeleng! Kana e setse e le molato tota, fa lo sekisanya. Ga lo ineeleleng bogolo go siamololelwa? Ga lo itshokeleleng bogolo go thukhuthiwa? Mme jaanong ke lona ba lo siamololelang ba bangwe, lo a ba thukhutha, e bile e le badumedi-ka-lona! A kampo ga lo itse gore basiamolodi ga ba kitla ba rua puso ya Modimo? Se tsietsegeng; le fa e le diaka gongwe badiredi-medimo gongwe batlhadi gongwe banna ba ba akafalang le banna gongwe magodu gongwe ba ba bohula gongwe matagwa gongwe bakgadi gongwe dinokwane, ga go ope wa bone yo o tla ruang puso ya Modimo. Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo; mme jaanong lo tlhapisitswe, lo itshepisitswe, lo siamisitswe ka leina la Morena Jesu Keresete le ka Mowa wa Modimo wa rona. Ke letleletswe tsotlhe, mme ga di thuse tsotlhe; ke letleletswe tsotlhe, mme ga ke leseletse sepe sa tsona go ntaola. Dijo ke tsa mpa, mpa ke ya dijo; mme Modimo o tla di nyeletsa ka bobedi jwa tsona. Mmele ona ga se wa boaka, mme ke wa Morena, mme Morena ke wa mmele. Kana Morena ke yo Modimo o mo tsositseng; le rona o tla re tsosa ka thata ya ona. A ga lo itse gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? A jaanong nka tsaya ditokololo tsa ga Keresete, ka di dira ditokololo tsa seaka? Le go ka! A kampo ga lo itse gore yo o ngaparetseng seaka, o mmele o le mongwe fela naso? Gonne go a twe: “Ba babedi bao ba tla nna nama e le nngwe fela.” Mme yo o kgomaretseng Morena ene o mowa o le mongwe fela nae. Tshabang boaka! Maleo otlhe a motho o a dirang a kwa ntle ga mmele; mme yo o akafalang o leofela mmele wa gagwe. A kampo ga lo itse gore mebele ya lona ke Tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo teng ga lona, o lo o amogetseng mo Modimong, e bile ga lo ba lona? Lo rekilwe ka tlhwatlhwa e kgolo; galaletsang he Modimo ka mebele ya lona e e leng ya Modimo! Jaanong fa e le tse lo di nkwaletseng, ka re: Go molemo mo monneng, fa a sa ame mosadi. Mme ka go tshaba boaka a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe. A monna a nee mosadi se e leng tshwanelo, le ene mosadi a dire jalo mo monneng. Mosadi ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke monna; jalo le monna ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke mosadi. Lo se ikgogonelane, fa e se ka tumelano ka sebakanyana, gore lo nne le nako ya go rapela; lo be lo kopane gape gore Satane a se lo raele, ka lo palelwa ke go itshwara. Mme ke bua jalo ka tetlelelo, e seng ka taolo. Gonne ke eletsa gore e kete batho botlhe ba ka bo ba ntse jaaka nna. Fela mongwe le mongwe o na le neo ya gagwe e e tswang mo Modimong, yo mongwe jaana, yo mongwe ka go sele. Mme ba ba iseng ba nyale gongwe go nyalwa, le bone batlholagadi, ke ba raya ke re: Go molemo go bone, fa ba ka nna jaaka nna. Le gale fa ba palelwa ke go itshwara, a ba nyale gongwe ba nyalwe; gonne go nyala gongwe go nyalwa go molemo bogolo go go gotela. Mme ba ba nyalanyeng bone ba laelwa ke Morena, e seng nna, gore mosadi a se ka a tlhala monna, – mme fa a mo tlhadile, a a nne fela a sa nyalwa gape; go seng jalo, a a ithuanye le monna wa gagwe – le ene monna a a se tlhale mosadi. Ba bangwe nna ke a ba raya, e seng Morena, ka re: Fa modumedi mongwe a na le mosadi yo o sa dumeleng, mme mosadi a dumetse go nna nae, a monna a se mo tlhale. Le mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng, mme monna a dumetse go nna nae, a mosadi a se mo tlhale. Gonne monna yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka mosadi, le mosadi yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka monna. Fa go ka bo go sa nna jalo, bana ba lona ba ka bo ba sa itsheka; mme jaanong ba itshepile. Mme yo o sa dumeleng, fa a tlhala, a a tlhale. Fa go ntse jalo, modumedi wa monna gongwe wa mosadi ga a bofega; Modimo o re bileditse kagisong. Gonne, wena mosadi, o itse jang gore o ka pholosa monna? Gongwe wena monna, o itse jang gore o ka pholosa mosadi? Fela a mongwe le mongwe a tsamae ka fa Morena a mo abetseng ka teng, le ka fa Modimo o mmiditseng ka teng. Ke laya jalo mo diphuthegong tsotlhe. Yo o biditsweng a rupile a a se eletse go sa rupeng; yo o biditsweng a sa rupa a a se rupe. Thupiso ga se sepe, le go sa rupang ga se sepe; se segolo ke go tlhokomela ditaolo tsa Modimo. A mongwe le mongwe a sale mo maemong a o biditsweng a le mo go ona. Fa o biditswe o le motlhanka, se ngongorege; mme fa o ka gologa, o go dirise bogolo. Gonne yo o biditsweng ke Morena e le motlhanka, ke mogololesegi wa Morena; le gona jalo ene yo o biditsweng a gololesegile, ke motlhanka wa ga Keresete. Lo rekilwe ka tlhwatlhwa e kgolo; se nneng batlhanka ba batho. Ba ga etsho, a mongwe le mongwe a sale fa pele ga Modimo mo maemong a o biditsweng a le mo go ona. Ntlheng ya makgarebe gona ga ke na taolo ya Morena, mme ke bolela maikutlo a me, nna yo ke bonyeng kutlwelo-botlhoko ya Morena gore ke nne yo o ikanyegang. Jaanong ke bona gore go molemo ka ntlha ya tlalelo ya sebaka seno, go molemo mo mothong go nna ka fa a ntseng ka teng. Fa o kopantswe le mosadi, se batle tlhalo; fa o sa kopanngwa le mosadi, se batle mosadi. Mme le fa o ka nyala, o tla bo o sa leofe. Le gale, ba ba ntseng jalo ba tla bona makete mo nameng; mme nna ke ne ke rata go lo rekegela. Ba ga etsho, se ke se bolelang ke se: Nako e khutshwane; mme e bile ka re: Le bone ba ba nang le basadi, a ba nne jaaka e kete ga ba na nabo. Le ba ba lelang, a ba nne jaaka e kete ga ba lele; le ba ba itumelang, a ba nne jaaka e kete ga ba itumele; le ba ba rekang, a ba nne jaaka e kete ga ba na sepe; le ba ba dirisang tsa lefatshe leno, a ba nne jaaka e kete ga ba di dirise; gonne popego ya lefatshe leno e a feta. Mme ke rata gore lo nne lo se na tshwenyego. Yo o sa nyalang o tlhokomela tsa Morena ka fa a ka kgatlhang Morena ka teng. Yo o nyetseng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang mosadi ka teng. Mosadi ga a tshwane le lekgarebe; yo o sa nyalwang o tlhokomela tsa Morena, gore a nne boitshepo ka fa mmeleng le ka fa moweng; mme yo o nyetsweng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang monna ka teng. Ke bua jalo gore go nne molemo go lona ka losi, e seng gore ke lo tshware ka segole, mme e le gore lo nne mo Moreneng ka maitsholo a mantle le ka tlhomamo, go se na kgoreletsego. Fa mongwe a gopola gore o direla ngwana wa gagwe wa lekgarebe ka go sa tshwanelang, fa le setse le lekanye go ka nyalwa, mme go tshwanetse ga nna jalo, a a dire se a se ratang, ga a leofe; a ba nyalane. Mme ene yo o tlhomameng mo pelong ya gagwe, a sa patelediwe ke sepe, a na le thata go dirafatsa thato ya gagwe, e bile a ikaeletse mo pelong ya gagwe gore o tla thibelela ngwana wa gagwe wa lekgarebe go nyalwa, o tla bo a dira sentle. Jalo he, yo o nyadisang ngwana wa gagwe wa lekgarebe o dira sentle; mme yo o sa mo nyadiseng, ene o tla bo a dira sentle bogolo. Mosadi o golegilwe ka molao, fa monna wa gagwe a sa ntse a tshela; mme fa monna wa gagwe a sule, o tla bo a letleletswe go nyalwa ke yo mosadi a mo ratang, fela e nne mo Moreneng. Mme ka fa maikutlong a me o sego bogolo, fa a ka nna fela jaaka a ntse, mme ke gopola gore le nna ke na le Mowa wa Modimo. Jaanong fa e le nama ya ditlhabelo tsa medimo ya diseto, re a e itse; gonne rotlhe re na le kitso. Kitso e a budulosa, mme lorato lone lo a aga. Mme fa mongwe a ithaya a re, o itse sengwe, yoo ga a ise a lemoge ka fa a tshwanetseng go itse ka teng. Mme fa mongwe a rata Modimo, yoo o itsilwe ke ona. Jaanong fa e le go ja nama ya ditlhabelo tsa medimo ya diseto, re itse gore modimo wa seseto ga o sepe mo lefatsheng le gore ga go Modimo ope o sele, fa e se ona o le mongwe fela. Gonne le fa go ka ne go le teng tse go tweng ke medimo, le fa e le kwa legodimong gongwe mo lefatsheng – jaaka go na le medimo e le mentsi le barena ba le bantsi – le fa go ntse jalo re na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, yo re bopetsweng ene; le Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete yo dilo tsotlhe di leng ka ene, yo le rona re leng ka ene. Mme kitso eo ga e mo go botlhe; bangwe go fitlha jaanong ba sa ntse ba tlwaetse modimo wa seseto, ba ja nama eo ka tumelo ya gore ke setlhabelo sa medimo; jaanong digakolodi tsa bone tse di bokoa di kgotlelege. Mme dijo ga di re atametse Modimo; fa re ja, ga re thusege; fa re sa je, ga re thusologe. Mme itiseng, e se re gongwe kgololesego eo ya lona ya nna sekgopi mo go bone ba ba bokoa! Gonne fa mongwe wa bone a ka go bona, wena yo o nang le kitso, o ntse fa dijong mo tempeleng ya medimo, a segakolodi sa yo o bokoa yoo ga se kitla se tlhotlhelediwa go ja tse di tlhabetsweng medimo ya diseto? Ka go re jalo mokaulengwe yo o bokoa, yo Keresete o mo swetseng, o tla senyega pelo ka kitso ya gago. Mme e re ka lo leofela bakaulengwe jalo le go khutla digakolodi tsa bone tse di bokoa, lo leofela Keresete. Ka moo he, fa dijo di ka kgopisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke ja nama ka bosakhutleng gore ke se kgopise mokaulengwe wa me. A ga ke mogololesegi? A ga ke moapostolo? A ga ke a bona Jesu, Morena wa rona? Lona a ga lo tiro ya me mo Moreneng? Le fa ke se moapostolo mo go ba bangwe, mo go lona ke ene; gonne lona lo sesupo sa boapostolo jwa me mo Moreneng. Ke jona boikarabelo jwa me mo go bone ba ba mpotsang. A ga re na tshiamelo ya go ja le go nwa? A ga re na tshiamelo ya go tsamaya le basadi ba e leng badumedi, e le bomogatsaarona, jaaka baapostolo ba bangwe le bomonnaa Morena le Kefa? A kampo ke nna le Baranaba fela, ba re sa siamelwang ke go lesa tiro ya diatla? Ke mang yo o ka yang ntweng, mme a itlamele ka esi? Ke mang yo o tlhomang moweine mo tshimong, mme a sa je leungo la ona? Gape, ke mang yo o disitseng letsomane, mme a sa je mašwi a letsomane? A ke bua jalo ka fa mokgweng wa batho fela? A molao le ona ga o bue jalo? Gonne mo molaong wa ga Moše go kwadilwe ga twe: “Kgomo e e phothang o se ka wa e bofa molomo.” A ke go re, Modimo o tlamela dikgomo fela? A kampo ga o bue jalo gagolo ka ntlha ya rona? Kana go kwadilwe ka ntlha ya rona ga twe: “Molemi o tshwanetse go lema ka tsholofelo, le yo o phothang a phothe ka tsholofelo ya go bona kabelo.” Fa jaanong re lo jwaletse tsa mowa, a go a rona, fa re roba tsa mmele mo go lona? Fa ba bangwe ba na le tshwanelo ya gore lo ba abele di-tsa-lona, a rona ga re na nayo bogolo? Le fa go ntse jalo, ga re a ka ra dirisa thata eo, mme re itshokela tsotlhe gore re se kgoreletse Efangele ya ga Keresete. A ga lo itse gore bone ba ba direlang kwa Tempeleng, e bile ba ja tsa Tempele; le ba ba direlang fa aletareng ba na le kabelo mo go tsa aletare? Le Morena o laetse jalo gore ba ba rerang Efangele ba tshele ka Efangele. Mme nna ga ke a ka ka ithusa ka sepe sa dilo tseo. E bile dilo tseo ga ke a ka ka di kwala gore ke direlwe jalo. Gonne go swa go molemo mo go nna bogolo go go ka senyediwa ke mongwe poko ya me. Gonne fa ke rera Efangele, ga se se nka se ipokelang; gonne ke patelesegile go dira jalo; mme go ka latlhega nna, fa ke sa rere Efangele! Kana fa ke dira jalo ka boitumelo, ke tla bona tuelo; mme fa e ka nna ka pateletso, kana tiro ya go rera Efangele ke e neetswe. Jaanong tuelo ya me ke efe? Ke ya gore, fa ke rera Efangele ya ga Keresete, ke e rere go se na tuelo, gore ke se dirise tshiamelo ya me mo Efangeleng. Gonne le fa ke ne ke gololesegile mo go botlhe, ke ne ka itira motlhanka wa botlhe gore ke tle ke kgone ba le bantsi. Ke ne ka nna jaaka Mojuta mo Bajuteng gore ke kgone Bajuta; ke ne ka nna jaaka yo o mo taolong ya molao mo go ba ba mo molaong, le fa ke ne ke se fa tlase ga molao ka nosi, gore ke kgone ba ba fa tlase ga molao. Ke ne ka nna jaaka yo o kwa ntle ga molao mo go ba ba kwa ntle ga molao gore ke tle ke kgone ba ba kwa ntle ga molao, le fa ke ne ke se kwa ntle ga molao wa Modimo, mme ke le mo molaong wa ga Keresete. Ke ne ka nna jaaka yo o bokoa mo go ba ba bokoa gore ke kgone ba ba bokoa. Ke ne ka nna tsotlhe mo go botlhe gore ka mekgwa yotlhe ke pholose bangwe. Mme tsotlhe tseo ke di dira ka ntlha ya Efangele gore le nna ke nne le kabelo mo go yona. A ga lo itse gore ba ba sianang mo lebaleng la tshamekelo ba taboga botlhe, mme yo o bonang sekgele ke a le mongwe fela? Sianang he gore lo se amogele! Mme mongwe le mongwe wa kgaisanyo o ikilela mo dilong tsotlhe. Bao ba dira jalo gore ba bone serwalo se se senyegang, mme rona e le go bona se se sa senyegeng. Ka moo he, ke siana jaaka yo o sa akabaleng; ke lwa jaaka yo o sa iteyeng loapi. Mme ke katisa mmele wa me, ke a o laola, e se re gongwe nna ka latlhega, ke sena go rerela ba bangwe. Ba ga etsho, ga ke rate lo tlhoka go itse gore borraetsho botlhe ba ne ba le fa tlase ga leru, le gore botlhe ba tshedile lewatle; botlhe ba ne ba kolobediwa ka leru le ka lewatle, gore e nne ba ga Moše; botlhe ba ja sejo se le sengwe fela sa mowa; botlhe ba nwa seno se le sengwe fela sa mowa; gonne ba ne ba nwa se se tswang mo lefikeng la mowa le le ba setseng morago, mme lefika leo e ne e le Keresete. Mme Modimo wa se ka wa kgatlhwa ke bontsi jwa bone; gonne ba bolaetswe mo sekakeng. Mme dilo tseo di dirafetse go nna dikao mo go rona gore re se eletse tse di bosula jaaka bone ba ne ba di eletsa. Le gona se nneng badiredi ba medimo ya diseto jaaka bangwe ba bone; jaaka go kwadilwe ga twe: “Morafe o ne wa nnela go ja le go nwa, ba tloga ba nanoga go tshameka.” Gape, a re se akafaleng jaaka bangwe ba bone ba ne ba akafala, ga ba ga swa ba le 23 000 ka letsatsi le le lengwe. Le gona a re se raeleng Morena jaaka bangwe ba bone ba ne ba mo raela, ba tloga ba nyelediwa ke dinoga. Gape, se ngongoregeng jaaka bangwe ba bone ba ne ba ngongorega, ba be ba nyelediwa ke mmolai. Dilo tsotlhe tseo di ne tsa ba dirafalela go nna dikao; mme di kwaletswe tlhagiso ya rona ba bokhutlo jwa metlha ya lefatshe bo re atametseng. Ka ntlha ya moo he, a e re yo o iponang a eme, a itise gore a se ka a wa! Lona ga lo ise lo tshwarwe ke thaelo epe e e ka palelang motho. Mme Modimo o boikanyo, o o se kitlang o lo lesa lwa raelwa mo go fetang thata ya lona, mme o tla lo direla phatlha mo thaelong gore lo kgone go e itshokela. Baratwi ba me, tshabang tirelo ya medimo ya diseto ka ntlha ya moo! Ke bua le lona, lo le ba ba tlhaloganyang ka re: Akanyang se ke se buang! Senwelo sa tshegofatso se re se lebogelang, a ga se go nna le kabelo mo mading a ga Keresete le go kopanngwa nao? Le senkgwe se re se nathoganyang, a ga se go nna le kabelo mo mmeleng wa ga Keresete le go kopanngwa nao? E re ka e le senkgwe se le sengwe fela, rona ba re leng bantsi re mmele o le mongwe fela; ka gonne rotlhe re tlhakanela senkgwe se le sengwe fela. Lebang ba e leng Baiseraele ka fa botsalong: Bone ba ba jang ditlhabelo a ga ba na kabelo mo aletareng? Jaanong ke reng? A nama ya setlhabelo sa modimo wa seseto ke sengwe? A kampo modimo wa seseto ke sengwe? Nnyaya! Mme ka re, tse baheitane ba di tlhabelang ba di tlhabela medemone, e seng Modimo. Mme nna ga ke rate gore lo ikopanye le medemone. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena le senwelo sa medemone; ga lo ka ke lwa jela mo tafoleng ya Morena le mo tafoleng ya medemone. A kampo re rata go tsosa lefufa la Morena? A re mo feta ka thata? Dilo tsotlhe di letleletswe, mme ga di thuse tsotlhe; dilo tsotlhe di letleletswe, mme ga di age phuthego tsotlhe. A go se nne ope yo o ipatlelang tsa gagwe, mme mongwe le mongwe a a batlele yo mongwe. Tsotlhe tse di rekisiwang mo ntlong ya dinama, lo ka di ja, lo sa botsolotse sepe ka ntlha ya segakolodi; gonne lefatshe ke la Morena, le tsotlhe tse di mo go lone. E re fa mongwe wa ba ba sa dumeleng a ka lo laletsa, mme lo rata go ya teng, lo je tsotlhe tse ba di lo bayang pele, lo sa botsolotse sepe ka ntlha ya segakolodi. Mme fa mongwe a ka lo raya a re, se ke nama ya setlhabelo sa medimo, foo lo se ka lwa ja ka ntlha ya yo o lo boleletseng le ka ntlha ya segakolodi. Fela ga ke ree segakolodi sa gago, ke raya sa yo mongwe. Kana kgololesego ya me e ka sekisediwang ke segakolodi sa yo mongwe? Fa ke amogela ka tebogo, ke ka kgalelwang ka ntlha ya se ke se lebogelang? Jaanong le fa lo ja gongwe lo nwa kampo lo dira se sele, dirang tsotlhe go tlotla Modimo ka tsona! Se kgopiseng Bajuta gongwe Bagerika le e seng phuthego ya Modimo, jaaka le nna ke itumedisa botlhe mo go tsotlhe, ke sa batle thusego ya me, mme ke batla ya ba bantsi gore ba pholosiwe. Nnang baetsi ba me, jaaka le nna ke le moetsi wa ga Keresete. Ke a lo boka, ka lo nkgopola mo go tsotlhe, e bile lo tshegeditse ditao, ka fa ke di lo laetseng ka teng. Ke rata lo a itse gore Keresete ke tlhogo ya monna mongwe le mongwe, monna ene ke tlhogo ya mosadi, Modimo ona ke tlhogo ya ga Keresete. Monna mongwe le mongwe, fa a rapela gongwe a bua jaaka moporofeti, a rwele sengwe mo tlhogong, o tlotlolola tlhogo ya gagwe. Mme mosadi mongwe le mongwe, fa a rapela gongwe a bua jaaka moporofeti, a sa bipa tlhogo, o tlotlolola tlhogo ya gagwe; gonne go tshwana fela jaaka fa a beotswe. Gonne fa mosadi a sa ipipe tlhogo, le gona a a beolwe; mme fa e le ditlhong mo mosading go beolwa gongwe go pongwa moriri, a a ipipe tlhogo. Monna ene ga a a tshwanela go ipipa tlhogo, ka e le ene setshwano sa Modimo le tlotlo ya ona; mosadi ene ke tlotlo ya monna; gonne monna ga a a dirwa ka mosadi, mosadi ke ene o dirilweng ka monna. Kana e bile monna ga a a botšwa ka ntlha ya mosadi, mosadi ke ene o bopilweng ka ntlha ya monna. Ke ka moo mosadi o tshwanetseng go nna le sesupo sa go laolwa mo tlhogong ka ntlha ya baengele. Le gale mo Moreneng mosadi ga a ka ke a nna teng kwa ntle ga monna, le monna ga a ka ke a nna teng kwa ntle ga mosadi; gonne monna o teng ka mosadi jaaka le mosadi a tswa mo monneng; mme tsotlhe di tswa mo Modimong. Atlholang ka losi gore a ke tshwanelo, fa mosadi a ka rapela Modimo, a sa bipa tlhogo? A kampo tlhago ga e lo rute ka yosi gore, fa monna a na le moriri o moleele, ke tlotlologo mo go ene? Le gore mosadi ene, fa a na le moriri o moleele, ke tlotlo mo go ene? Gonne o neilwe moriri o moleele go nna sebipo. Mme fa mongwe a rata go ganetsa, a a itse gore rona ga re na mokgwa o sele, le fa e le tsona diphuthego tsa Modimo. Se sengwe se ke ratang go se lo laela ke se: Ga ke lo boke; ka gonne go phuthega ga lona ga go lo okeletse molemo, go lo okeletsa bosula. Gonne se segolo ke utlwa go twe: E a re fa lo phuthega mo phuthegong, go nne dikgaogano mo go lona; mme ntlha e nngwe ke a dumela. Gonne dikgaogano di tshwanetse go nna teng mo go lona gore ba ba tlhomameng mo go lona ba bonatsege. Jaanong e a re fa lo phuthegele felong go le gongwe, go bo go pale go ja Selalelo sa Morena. Gonne fa go jewa, mongwe le mongwe o a tle a je dijo tsa gagwe pele, mme yo mongwe a sale ka tlala, yo mongwe ene a tlhapelwe. A ga lo na matlo a go jela le go nwela teng? A kampo lo nyatsa phuthego ya Modimo, a lo swabisa bone ba ba se nang sepe? Ke tla lo raya ke reng? A ke lo boke? Mo go tseo ga ke lo boke. Kana ke amogetse mo Moreneng se ke se lo neileng, gore Morena Jesu o ne a tsaya senkgwe mo bosigong jo o tshwarisitsweng ka jona, a se lebogela, a se nathoganya a re: “Tsayang lo je! Se ke mmele wa me o o neelwang losong boemong jwa lona. Dirang jalo go nkgopola!” A ba a tsaya senwelo jalo morago ga selalelo a re: “Senwelo se ke kgolagano e ntšhwa ka madi a me. E ne e re fa lo nwa ka sona, lo dira jalo go nkgopola!” Gonne ka gale, fa lo ja senkgwe se le go nwa senwelo se, lo a bo lo itsise loso lwa Morena, go ya a ba a tle. Ka moo he, yo o jang senkgwe se, gongwe a nwa senwelo sa Morena ka mokgwa o o sa tshwanelang, o tla bo a leofela mmele wa Morena le madi a gagwe. Mme a motho a itlhatlhobe pele, morago ga moo a je senkgwe se, a ba a nwe ka senwelo se; gonne yo o jang, a ba a nwa ka mokgwa o o sa tshwanelang, o ijela le go inwela petso, ka a sa tlotle mmele wa Morena. Ke gona ka moo go leng ba bantsi mo go lona ba ba bokoa le ba ba lwalang; ba bantsi ba robetse. Gonne fa re ka bo re itshekisa, re ka bo re sa atlholwe. Mme fa re atlholwa, re watlhaiwa ke Morena gore re se ka ra atlholelwa tatlhego mmogo le lefatshe. Jalo he, ba ga etsho, e re fa lo phuthegela go ja, lo letane! Mme fa mongwe a tshwerwe ke tlala, a a je kwa gae gore go phuthega ga lona go se lo tsisetse go atlholelwa molato. Mme dilo tse di setseng ke tla di rulaganya motlhang ke tlang koo. Ba ga etsho, ga ke rate gore lo tlhoke kitso ka ga dineo tsa Mowa. Lo itse gore e rile lo sa le baheitane, lwa gogelwa kwa medimong ya diseto e e dimumu jaaka lo timeditswe. Ke ka moo ke lo itsiseng gore ga go ope yo e ka reng a bua ka Mowa wa Modimo a re: “A go hutsiwe Jesu!” E bile ga go ope yo o ka reng: “Jesu ke Morena!” fa e se ka Mowa o o Boitshepo. Go na le dineo tse di sa tshwaneng, mme Mowa o mongwe fela; go na le ditirelo tse di farologanyeng, mme Morena o mongwe fela; go na le dinonofo tsa mefutafuta, mme Modimo o mongwe fela o o dirang tsotlhe mo go botlhe. Mongwe le mongwe o newa ponatshego ya Mowa go nna thusego ya botlhe. Gonne yo mongwe o newa go bua ka botlhale ka Mowa, yo mongwe go bua ka kitso ka ona Mowa oo; yo mongwe o newa tumelo ka ona Mowa oo, yo mongwe dineo tsa go fodisa ka ona Mowa oo; yo mongwe go dira dikgakgamatso, yo mongwe go bua jaaka moporofeti, yo mongwe go farologanya mewa, yo mongwe mefuta ya dipuo tsa loleme, yo mongwe phuthololo ya dipuo tseo. Mme dilo tsotlhe tseo di dirwa ke ona Mowa o mongwe fela oo, o o abelang mongwe le mongwe ka fa o ratang ka teng. Gonne go ntse jaaka go le mmele o le mongwe o o nang le ditokololo tse dintsi, mme ditokololo tsotlhe tsa mmele, le fa di le dintsi, e le mmele o le mongwe fela: Keresete le ene o ntse jalo. Gonne le rona rotlhe re kolobeleditswe go nna mmele o le mongwe fela ka Mowa o le mongwe fela, le fa re le Bajuta gongwe Bagerika, le fa re le batlhanka gongwe bagololesegi, rotlhe re nositswe Mowa o le mongwe fela. Kana le ona mmele ga se tokololo e le nngwe fela, ke ditokololo tse dintsi. Fa lonao lo ka re: “E re ka ke se seatla, ga ke wa mmele;” le fa lo ka re jalo, e ntse e le lwa mmele. Fa tsebe e ka re: “E re ka ke se leitlho, ga ke wa mmele;” le fa e ka re jalo, e ntse e le ya mmele. Fa mmele otlhe e ka bo e le leitlho, kutlo e ka bo e le kae? Fa mmele otlhe e ka bo e le kutlo, go dupa go ka bo go le kae? Mme jaanong Modimo o beile ditokololo mo mmeleng, nngwe le nngwe ya tsona ka fa go rateng ga ona. Fa tsotlhe e ka bo e le tokololo e le nngwe fela, mmele o ka bo o le kae? Mme jaanong ditokololo di dintsi, mme mmele ona o mongwe fela. Leitlho ga le ka ke la raya seatla la re: “Ga ke go batle;” gongwe le tlhogo ya raya dinao ya re: “Ga ke lo batle.” Nnyaya; kana ditokololo tsa mmele tse e keteng ke tse di bokoa, ke tsona tse di batlegang bogolo; le ditokololo tsa mmele tse rona re reng di tlhoka tlotlo, ke tsona tse re di tlotlang bogolo; le tse e seng tse dintle tsa rona di kgabisiwa bogolo; kana tse dintle tsa rona ga di batle go kgabisiwa. Mme Modimo o lomagantse mmele ka go naya tokololo e e sa tlotlegeng tlotlo e kgolo bogolo, gore go se nne phapaano mo mmeleng, mme ditokololo di tlamelane ka go utlwana. Fa tokololo e le nngwe e ka boga, ditokololo tsotlhe di boga nayo; kampo fa tokololo e le nngwe e ka tlotlwa, ditokololo tsotlhe di itumela nayo. Mme lona lo mmele wa ga Keresete le ditokololo, mongwe le mongwe fa a beilweng teng. La ntlha Modimo o beile bangwe mo phuthegong go nna baapostolo, la bobedi ba bangwe go nna baporofeti, la boraro ba bangwe go nna baruti, morago ga moo badiri ba dikgakgamatso, le ba dineo tsa go fodisa, le bathusi le bagogi le ba dipuo tsa mefutafuta. A botlhe ke baapostolo? A botlhe ke baporofeti? A botlhe ke baruti? A botlhe ke badiri ba dikgakgamatso? A botlhe ba na le dineo tsa go fodisa? A botlhe ba bua ka loleme? A botlhe ke baphutholodi? Tlhoafalelang dineo tse di molemo bogolo! E bile ke sa ntse ke tla lo supetsa tsela e e siameng go feta. Le fa nka bo ke bua ka dipuo tsa batho le tsa baengele, mme ke se na lorato, nka bo ke diregile jaaka kgotlho e e dumang gongwe diphaphatshana tse di opiwang. Le fa nka bo ke na le neo ya boporofeti, ke tlhaloganya masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; kampo ke na le tumelo yotlhe ya go ka sutisa dithaba, mme ke se na lorato, nka bo ke se sepe. Le fa nka bo ke abela bahumanegi di-tsa-me tsotlhe, kampo ke neela mmele wa me gore ke fisiwe, mme ke se na lorato, go ka bo go sa nthuse sepe. Lorato lo bopelotelele, lo bopelontle; lorato ga lo fufege; lorato ga lo ipoke, ga lo ikgogomose, ga lo boatla, ga lo ipatlele, ga lo gakale, ga lo sale bosula jwa motho morago; ga lo itumelele tshiamololo, mme lo itumelela boammaaruri. Lo iphapaanya le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo nyelele ka bosakhutleng. Fa e le dipolelelopele, di tla nyelela, le dipuo di tla khutla, le kitso e tla nyelela. Gonne re itse ka bontlhanngwe, re bolelela pele ka bontlhanngwe; mme e tla re sa botlalo se sena go tla, sa bontlhanngwe se nyelediwe. E rile ke sa ntse ke le ngwana, ka bo ke bua jaaka ngwana, ke ikutlwa jaaka ngwana, ke akanya jaaka ngwana; mme ya re ke sena go nna monna, ka tlogela tsa bonyana. Gonne gompieno re bona dilo mo seiponing di le letobo, mme ka motlha oo re tla di bona sentle jaaka difatlhego di lebanye; gompieno ke tlhaloganya ka bontlhanngwe, mme ka motlha oo ke tla itse gotlhe, jaaka le nna ke itsilwe gotlhe. Mme jaanong tse di nnelang ruri ke tumelo le tsholofelo le lorato, tse tharo tse; mme se segolo mo go tsona ke lorato. Latelelang lorato, lo tlhoafalele dineo tsa mowa, mme bogolo gore lo rute. Gonne yo o buang ka loleme ga a bue le batho, o bua le Modimo; gonne ga a utlwiwe ke ope, mme o bua masaitsiweng ka mowa. Mme yo o rutang ene o bua le batho tse di agang le tsa kgothatso le tsa nametso. Yo o buang ka loleme o a ikaga; mme yo o rutang o aga phuthego. Ke rata gore lo bue lotlhe ka diteme, mme ke rata gore bogolo lo rute; gonne yo o rutang o gaisa yo o buang ka loleme, fa e se gore a phutholole gore phuthego e agege. Jaanong, ba ga etsho, fa nka tla koo go lona, ka bua ka loleme, ke sa bue le lona ka tshenolo gongwe ka kitso gongwe ka polelelopele gongwe ka thuto, nka bo ke lo thusa eng? Le diletso tse di sa pheleng, e ka nna lotlhaka gongwe lengope, fa di sa farologanye medumo, go ka lemosega jang se se lediwang ka lotlhaka gongwe ka lengope? Kana fa lonaka lo ka ntsha modumo o o sa utlwaleng, ke mang yo o ka iketleeletsang go ya ntweng? Le lona jalo, fa lo sa bolele mafoko ka diteme a a utlwegang sentle, go tla tlhaloganngwa jang se se buiwang? Kana lo tla bo lo bolela tse di tsewang ke phefo! Le fa go na le mefuta e e kana kang ya dipuo mo lefatsheng, ga go na epe e e sa utlwaleng. Fa jaanong ke sa itse se puo e se rayang, ke tla bo ke tshwana le moeng mo go ene yo o buang, le ene yo o buang o tla bo a ntse jaaka moeng mo go nna. Le lona jalo, e re ka lo tlhoafaletse dineo tsa Mowa, tlhokomelang gore di lo atele, phuthego e tle e agege ka tsona. Ka moo, a ene yo o buang ka loleme a rapele gore a kgone go phutholola! Gonne fa ke rapela ka loleme, go tla bo go rapela mowa wa ka, mme tlhaloganyo ya me e tla bo e sa thuse ope. Jaanong go ka tweng? Ke tla rapela ka mowa, e bile ke tla rapela ka tlhaloganyo; ke tla opela ka mowa, mme le gona ke tla opela ka tlhaloganyo. Fa go sa nne jalo, e ka re fa o leboga ka mowa fela, mophuthego yo o sa go tlhaloganyeng o tla itse jang go bua a re: “Amen!” mo tebogong ya gago, ka a sa itse se wena o se buang? Le gale wena o leboga sentle, mme yo mongwe ene ga a agiwe. Ke leboga Modimo wa me, ka ke ka bua ka loleme bogolo go lona lotlhe. Mme mo phuthegong ke rata go bua mafoko a le matlhano fela ka tlhaloganyo ya me gore le ba bangwe ke ba rute, bogolo go go bua mafoko a le dikete di le some ka loleme. Ba ga etsho, se nneng bana mo tlhaloganyong, mme nnang masea mo bosuleng; mo tlhaloganyong gona lo nne banna. Mo molaong go kwadilwe ga twe: “Ke tla bua le batho ba ka dipuo di sele le ka melomo ya ba sele; mme le ka mokgwa o o ntseng jalo ga ba nke ba nkutlwa, go bua Morena.” Ke ka moo go bua ka loleme e leng sesupo go ba ba sa dumeleng, e seng go ba ba dumelang; mme thuto ke sesupo go ba ba dumelang, e seng go ba ba sa dumeleng. Fa jaanong phuthego yotlhe e phuthegetse felong go le gongwe, mme botlhe ba bua ka diteme, mme go tsena ba ba sa tlhaloganyeng gongwe ba ba sa dumeleng, a ga ba nke ba re: “Lo a tsenwa!”? Mme fa botlhe ba ka senola Lefoko la Modimo, mme go tsena yo o sa dumeleng gongwe yo o sa tlhaloganyeng, o tla lemosiwa molato ke botlhe le go atlholwa ke botlhe. Foo sephiri sa pelo ya gagwe se tla bonatsega; o tla itigela fa fatshe, a obamela Modimo, a bolela a re: “Ka nnete, Modimo o mo go lona.” Jaanong go ka tweng, ba ga etsho? E re fa lo phuthega, mongwe a na le sefela, yo mongwe a na le thuto, yo mongwe a na le tshenolo, yo mongwe a na le puo ya loleme, yo mongwe a na le phuthololo (ya yona); a tsotlhe tseo e nne tsa go aga phuthego. Fa go buiwa ka loleme, a e nne ka tatelano ya ba le babedi gongwe ba le bararo, mme e seng go feta moo; yo mongwe ene a phutholole. Mme fa go se na mophutholodi, a ba didimale mo phuthegong, ba ipuele ka bosi, ba bue le Modimo ka pelo. Baporofeti bone a go bue ba le babedi gongwe ba le bararo, ba bangwe ba atlhole. Mme fa yo mongwe a ka tlelwa ke tshenogelo, a ntse a ntse fa fatshe, a wa pele a didimale; gonne lo ka ranola lotlhe Lefoko la Modimo ka tatelano gore botlhe ba ithute, botlhe ba kgothadiwe. Mewa ya baporofeti e ikobela boporofeti. Gonne Modimo ga se wa tlhakatlhakanyo, ke wa kagiso jaaka go ntse mo diphuthegong tsotlhe tsa baitshepi. A basadi ba lona ba didimale mo diphuthegong; gonne ga ba a letlelelwa go bua, mme a ba ikokobetse jaaka molao le ona o bua. Mme fa ba rata go ithuta, a ba botse banna ba bone kwa gae; gonne go a rona, fa mosadi a bua mo phuthegong. A kampo Lefoko la Modimo le simologile mo go lona, gongwe a le ne la tla kwa go lona lo le losi? Fa motho a ikutlwa a le moporofeti gongwe a le wa mowa, a a itse gore tse ke di lo kwalelang ke ditaolo tsa Morena. Mme fa mongwe a sa utlwisise, a a nne a sa utlwisise! Ka moo he, ba ga etsho, tlhoafalelang go ranola Lefoko la Modimo, mme lo se iletse go bua ka loleme. A tsotlhe di dirwe ka maitsholo le ka thulaganyo! Bakaulengwe, ke lo gopotsa Efangele e ke e lo reretseng, e lo e amogetseng, e e bileng lo eme mo go yona, e lo pholosiwang ka yona, fa lo ntse lo e dirisa jaaka ke e lo reretse, fa lo sa dumelela lefela. Gonne tse dikgolo tse ke di lo neileng ke tse le nna ke di amogetseng, e bong gore Keresete o ne a swela dibe tsa rona ka fa Dikwalong, le gore o ne a fitlhwa, le gore o tsositswe ka letsatsi la boraro ka fa Dikwalong, le gore o ne a iponatsa mo go Kefa le mo go ba ba 12 morago ga moo. Morago ga moo a iponatsa mo bakaulengweng ba ba fetang 500 ka nako e le nngwe, ba bontsi jwa bone bo sa leng teng, mme bangwe ba robetse. Morago ga moo a iponatsa mo go Jakobo, a ba a iponatsa mo go baapostolo botlhe. Mme morago ga botlhe a iponatsa le mo go nna, ka nna jaaka yo o tsetsweng ka nako e e seng yona. Gonne ke yo mmotlana mo baapostolong, yo ke sa tshwanelang go bidiwa moapostolo, ka ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo. Mme ke se ke leng sona ke ka bopelotlhomogi jwa Modimo; mme bopelotlhomogi jwa ona mo go nna e ne e se lefela. Ke dirile bogolo go bone botlhe, mme e se nna, ke bopelotlhomogi jwa Modimo jo bo nang le nna. Jaanong fa e le nna, kampo e le bone, re rera jalo, e bile lo dumetse jalo. Fa jaanong Keresete a rerwa go twe, o tsogile mo baswing, go ntse jang, fa bangwe ba lona ba re, ga go na tsogo ya baswi? Kana fa go se na tsogo ya baswi, Keresete le ene o tla bo a sa tsoga. Mme fa Keresete a sa tsoga, thero ya rona e tla bo e le lefela, le tumelo ya lona e tla bo e le lefela. Mme foo rona re tla fitlhelwa re le basupi ba maaka ba Modimo, ka re supile ka ga Modimo, gore o tsositse Keresete, etswe o sa mo tsosa, fa e le gore baswi ga ba tsosiwe; gonne fa baswi ba sa tsosiwe, Keresete le ene o tla bo a sa tsosiwa. Mme fa Keresete a sa tsosiwa, tumelo ya lona e tla bo e le lefela, lo tla bo lo sa ntse lo le mo maleong a lona. Foo le bone ba ba swetseng mo go Keresete ba tla bo ba latlhegile. Fa re solofela mo go Keresete tsa botshelo jono fela, re tla bo re tlhomola pelo bogolo go batho botlhe. Mme jaanong Keresete o tsositswe mo baswing, a nna lebutswapele mo go ba ba robetseng. Gonne e re ka loso lo tsile ka motho, le tsogo ya baswi e tsile ka motho. Gonne botlhe ba tla phedisiwa ka Keresete jaaka botlhe ba swa ka Atame; mongwe le mongwe ka fa thulaganyetsong ya gagwe: Keresete e le wa ntlha; morago ga moo ba e leng ba ga Keresete, motlhang a tlang; ke gona go tla tlang bokhutlo, motlhang a tla neelang Modimo Rara bogosi, a sena go nyeletsa puso yotlhe le taolo yotlhe le thata yotlhe. Gonne o tshwanetse go busa go ya o be o digele dira tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe. Mmaba wa bofelo yo o tla nyelediwang ke loso. Gonne “o digetse dilo tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe.” Mme kana fa go twe, dilo tsotlhe di digetswe fa tlase ga gagwe, go bonala gore ga go teiwe ona o o digetseng tsotlhe fa tlase ga gagwe. Mme e tla re dilo tsotlhe di sena go digelwa fa tlase ga gagwe, le ene Morwa a ikobele ona o o digetseng tsotlhe fa tlase ga gagwe, gore Modimo e nne wa tsotlhe mo go botlhe. Fa go sa nna jalo, kana bone ba ba kolobelediwang baswi ba tla bo ba dirang? Fa baswi ba sa tsosiwe ka gope, ba tla bo ba kolobelediwang ka ntlha ya bona? Le rona re tla bo re tshelelang mo diphatseng ka dinako tsotlhe? Ba ga etsho, ka poko e ke nang nayo mo go Keresete Jesu, Morena wa rona, ka ntlha ya lona, ka re: Ke swa ka letsatsi le letsatsi! Fa ke lole le dibata kwa Efeso ka mokgwa wa batho, go tla bo go nthusang? Fa baswi ba sa tsosiwe, gona “a re jeng he, re nweng; gonne kamoso re tla tsoga re sule!” Se tsiediweng: “Go tsalana le ba ba bosula go senya mekgwa e e siameng.” Tlhaphogelwang tota lo se leofeng; gonne bangwe ga ba itse Modimo. Ke bua jalo go lo tlhabisa ditlhong. Mme mongwe o ka botsa a re: “Baswi ba tla tsosiwa jang? Ba tla tla ka mebele e e ntseng jang?” Lesilo ke wena! Kana se o se jwalang ga se tshedisiwe, fa se sa swe pele. Le fa o jwala eng, ga o jwale mmele o o tla nnang teng, mme ke tlhaka fela, e ka nna ya mabele gongwe ya peo e sele. Mme Modimo o e naya mmele ka fa o ratileng ka teng, e bong peo nngwe le nngwe mmele wa yona. Dinama ga di tshwane tsotlhe; nama ya batho ke e sele, le nama ya diruiwa ke e sele, le nama ya dinonyane ke e sele, le ya ditlhapi ke e sele. Go na le mebele ya legodimo le mebele ya lefatshe; mme kgalalelo ya yona ya legodimo ke e sele, le ya yona ya lefatshe ke e sele. Kgalalelo ya letsatsi ke e sele, le kgalalelo ya ngwedi ke e sele, le kgalalelo ya dinaledi ke e sele; gonne naledi nngwe e farologanye le e nngwe ka kgalalelo. Tsogo ya baswi le yona e tla nna jalo. Go jwalwa se se bolang, go tsosiwa se se sa boleng; go jwalwa se se tlotlologang, go tsosiwa se se galalelang; go jwalwa se se bokoa, go tsosiwa se se thata; go jwalwa mmele wa nama, go tsosiwa mmele wa mowa. Fa go na le mmele wa nama, go na le le ona mmele wa mowa. Go kwadilwe jalo ga twe: “Motho wa ntlha, e bong Atame, o ne a nna motshedi”; Atame wa bofelo ene o ne a nna mowa o o tshedisang. Mme mmele wa pele ga se wa mowa, ke wa nama; wa morago ke ona wa mowa. Motho wa ntlha o tswa mo mmung, ke wa lefatshe; motho wa bobedi o tswa kwa legodimong. Ba lefatshe ba tshwana le wa lefatshe, mme ba legodimo ba tshwana le ene yo o tswang legodimong. Re tla apara setshwano sa wa legodimo, jaaka re ne re apere setshwano sa wa lefatshe. Mme ba ga etsho, se ke se bolelang ke se: Nama le madi ga di ka ke tsa rua puso ya Modimo, le go bola ga go rue bosaboleng. Ke lo bolelela bosaitsweng ke jo: Ga re nke re swa rotlhe, mme re tla fetolwa rotlhe ka nakonyana, ka ponyo ya leitlho, ka lonaka lwa bofelo; gonne lo tla kgelebetega, mme baswi ba tla tsosiwa e le ba ba sa feleng, mme rona re tla fetolwa. Gonne tse di felang tse, di tshwanetse go apara bosafeleng; le tse di swang tse, di tshwanetse go apara bosasweng. E tla re tse di felang tse, di sena go apara bosafeleng, le tse di swang tse, di sena go apara bosasweng, ke gona go tla dirafalang lefoko le le kwadilweng le le reng: “Loso lo meditswe ke phenyo.” “Loso, lobolela lo lo botlhole lwa gago lo kae? Felo ga baswi, phenyo ya gago e kae?” Lobolela lwa loso ke boleo, mme thata ya boleo ke molao. Mme a Modimo o lebogwe o o re nayang phenyo ka Morena wa rona Jesu Keresete! Jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, nnang tlhomamo, lo se tshikinyege, lo nne lo totele pele mo tirong ya Morena, ka lo itse gore matsapa a lona ga se a lefela mo Moreneng. Fa e le dikatso tse di ntshediwang baitshepi, le lona lo dire jaaka ke laetse diphuthego tsa kwa Galatia. A ka gale ka letsatsi la ntlha la tshipi mongwe le mongwe wa lona a beele sengwe fa thoko, a kgobokanye ka fa a tlhogonolofaditsweng ka teng, e se ka ya re gongwe fa ke tla, ka fitlhela e le gona go phuthwang. Mme e tla re fa ke sena go goroga, bone ba lo ba tlhaotseng ke ba rome ka dikwalo go isa dikatso tsa lona kwa Jerusalema. Mme fa di lekanye go isiwa ke nna, ba tla tsamaya le nna. Ke tla tla koo go lona ke raletse Maketonia; gonne Maketonia ke tla mo ralala fela, mme mo go lona motlhamongwe ke tla diega, gongwe ke be ke feletse mariga teng, gore lo tle lo mphelegeletse kwa ke tla yang teng. Gonne ga ke rate go lo bona jaanong ka go feta fela; mme ke solofela gore ke tla tlhola le lona sebakanyana, fa Morena a ka letlelela jalo. Kwa Efeso gona ke tla nna teng go fitlha Pentekoste; gonne ke buletswe mojako o mogolo teng wa tiro e e nang le lesego, e bile baganetsi ba le bantsi ba teng. E re fa Timotheo a goroga, lo dire gore a nne mo go lona a se na poifo; gonne o dira tiro ya Morena fela jaaka nna. Jaanong a go se nne ope yo o mo nyatsang, mme mmulediseng ka kagiso gore a tle go nna; gonne nna le bakaulengwe re mo lebeletse. Fa e le Apolo, mokaulengwe, ene ke mo rapetse thata gore a ye koo go lona mmogo le bakaulengwe. Mme o ne a sa rate ka gope go ya koo jaanong; o tla tla ka sebaka se se mo lebanyeng. Itiseng lo tlhomame mo tumelong, itsholeng senna lo tie! A tsotlhe tsa lona di dirwe ka lorato! Bakaulengwe, ke a lo rapela – Lo itse ba ntlo ya ga Setefane gore ke bone badumedi ba ntlha ba Agaya, mme ba ineetse mo tirelong ya go direla baitshepi – ka re: Le lona lo ikokobeletse ba ba ntseng jalo le mongwe le mongwe yo o itapisang ka go dira le rona. Ke itumeletse go tla ga Setefane le Fortunato le Agaiko; gonne ba emetse lona ba lo seng teng. Gonne ba lapolositse mowa wa me le mewa ya lona. Tlotlang ba ba ntseng jalo! Diphuthego tsa Asia di a lo dumedisa. Akwila le Perisila ba lo dumedisa thata mo Moreneng, le phuthego e e mo ntlong ya bone. Bakaulengwe botlhe ba a lo dumedisa. Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo. Nna Paulo ke lo kwalela tumediso ka letsogo la ka. Fa mongwe a sa rate Morena, a a hutsege! Marana tha! A bopelotlhomogi jwa ga Jesu Keresete Morena bo nne le lona! Lorato lwa me lo mo go lona lotlhe ka Keresete Jesu. Amen. Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo, le Timotheo mokaulengwe, re kwalela phuthego ya Modimo ya kwa Korinthe le baitshepi botlhe ba ba mo lefatsheng lotlhe la Agaya: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete! A go bakwe Modimo, e bong Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, Rara yo o mautlwelo-botlhoko, Modimo wa kgomotso yotlhe, o o re gomotsang mo dipitlaganong tsotlhe tsa rona gore re tle re nonofe go gomotsa bone ba ba mo dipitlaganong tsa mefutafuta ka kgomotso e le rona ka rosi re gomodiwang ke Modimo ka yona; gonne kgomotso e re ntsifaletse ka Keresete, jaaka dipogiso tsa ga Keresete le tsona di re ntsifaletse. Mme fa re pitlaganngwa, e a be e le gore lo bone kgomotso le pholoso; gongwe fa re gomodiwa, e a be e le ka ntlha ya kgomotsego ya lona e e itshupang ka go itshokela tsona dipogo tse le rona re di bogang. Mme tsholofelo ya rona ka ga lona e tlhomame, ka re itse gore lo tlhakanetse kgomotso le rona fela jaaka lo tlhakanetse dipogo. Gonne bakaulengwe, ga re rate gore lo tlhoke go itse ka ga pitlagano ya rona e e re dirafaletseng kwa Asia, gore re ne re tlaletswe bogolo go feta thata ya rona, mo re bileng ra tlhoboga le matshelo a rona. Tota mo teng ga rona re ne re setse re ineetse go swa, e le gore re se ka ra iikanya ka rosi, mme re ikanye Modimo o o tsosang baswi, o o re golotseng mo losong lo lo kalokalo, mme o sa ntse o re golola, o re solofelang mo go ona gore o tla nna o re golola; ka le lona lo ntse lo thusa ka go re rapelela, gore neo ya bopelotlhomogi e re e bonyeng e lebogelwe ke batho ba bantsi ka malebogo a mantsi ka ntlha ya rona. Gonne pelafalo ya rona ke e, e bong tshupo ya digakolodi tsa rona ya gore re tshedile ka boitshepo le ka bophepa jwa Modimo mo lefatsheng, bogolo mo go lona, e seng ka botlhale jwa nama, mme e le ka bopelotlhomogi jwa Modimo; gonne ga re lo kwalele dilo di sele, fa e se tse lo di buisang, lo di tlhaloganya; mme ke solofela gore lo tla nna lo lemoga go ya bokhutlong, jaaka lo setse lo re lemogile go se gonene gore re pelafalo ya lona, fela jaaka le lona lo le ya rona ka letsatsi la ga Jesu, Morena wa rona. Mme ke ne ke ikaeletse go tla koo go lona pele ka go ikanya jalo gore lo bone bopelotlhomogi gape, le go feta jalo ka lona go ya kwa Maketonia, le go boa gape kwa Maketonia go tla koo go lona, le gore lo mpate go ya kwa Jutea. Jaanong a ke ne ka go tsaya ka motlhofo, fa ke ikaeletse jalo? Kampo a se ke se ikaelelang ke se ikaelela ka fa nameng gore mo go nna Ee, Ee, e tshwane le Nnyaya, Nnyaya? Modimo o boikanyo, o ka supa gore lefoko le re le lo boleletseng ga le tlhakanye Ee le Nnyaya; gonne Jesu Keresete, Morwa Modimo, yo re mo rerileng mo go lona, e bong nna le Silefano le Timotheo, ga a ka a nna Ee le Nnyaya, mme mo go ene go ntse go le Ee; gonne le fa go ka nna dipolelelopele tsa Modimo di le kae, di Ee mo go ene; ke ka moo re reng Amen ka ene go galaletsa Modimo. Mme ene yo o re tlhomamisang mmogo le lona mo go Keresete yo o re tloditseng ke Modimo, o e bileng o re tshwaile, wa re naya sebeelelo sa Mowa mo dipelong tsa rona. Mme nna ke bitsa Modimo go nna mosupi wa mowa wa me gore fa ke se ka ka tla gape koo Korinthe, ke ka ntlha ya go lo rekegela. Ga se gore re laola tumelo ya lona, mme re thusa go oketsa boitumelo jwa lona; gonne lo eme mo tumelong. Mme ke ne ke ikaeletse mo pelong gore ga nke ke tla koo go lona gape ka khutsafalo. Gonne fa nna ke lo hutsafatsa, ke mang yo o ka nthabisang, fa e se ene yo o hutsafaditsweng ke nna? Kana ke lo kwaletse jalo gore fa ke tla, ke se ka ka hutsafadiwa ke bone ba ke tshwanetseng go ba thabela; gonne ke lo ikanya lotlhe gore boitumelo jwa me ke jwa lona lotlhe. Gonne ke lo kwaletse ka dikeledi tse dintsi, ke le mo pitlaganong e kgolo le mo tlalelong ya pelo, e se gore lo tle lo hutsafadiwe, mme e le gore lo lemoge lorato lo ke lo ratang gagolo bogolo ka lone. Mme fa mongwe a tsositse bohutsana, ga a hutsafatsa nna fela, o hutsafaditse lona, le fa e se lotlhe, gore ke se oketse. Mo go yo o ntseng jalo, petso e e tswang mo bontsing e lekanye, mo jaanong lo tshwanetseng go itshwarela yoo le go mo gomotsa bogolo, e se re gongwe a mediwe ke bohutsana jo bogolo thata. Ke ka moo ke lo kaelang gore lo mo direle ka lorato; gonne ke kwadisitswe ke gona gore ke tle ke lemoge boitshupo jwa lona gore a lo na le kutlo mo go tsotlhe. Mme yo lo mo itshwarelang sengwe, le nna ke a mo itshwarela; gonne le nna, fa ke ne ke na le sengwe go se itshwarela, ke se itshwaretse ka ntlha ya lona fa pele ga sefatlhego sa ga Keresete, gore re se tsiediwe ke Satane; gonne maano a gagwe ga a re fitlhegela. E rile ke sena go fitlha kwa Teroase go rera Efangele ya ga Keresete mme ke buletswe mojako teng mo Moreneng, ka tlhoka boikhutso mo moweng wa me, ka ke sa fitlhela Tito mokaulengwe teng; mme ya re ke sena go laelana nabo, ka ya kwa Maketonia. A Modimo o lebogwe o o re nayang phenyo mo go Keresete ka gale, o o utlwatsang lonko lwa go mo itse ka rona mo mafelong otlhe; gonne re lonko lo lo monate lwa ga Keresete fa pele ga Modimo, mo go bone ba ba phologang le mo go ba ba latlhegang: mo go bangwe ke lonko lwa loso go isa losong, mme mo go ba bangwe ke lonko lwa botshelo go isa botshelong. Mme kana ke mang yo o nonofetseng dilo tse? Gonne ga re etse ba bantsi ba ba bapalang ka Lefoko la Modimo, mme re bua fa pele ga Modimo mo go Keresete ka bopelophepa, jaaka go tswa mo Modimong. A re simolola gape go itshupela? Kampo a le rona re batla dikwalo tse di re begang mo go lona jaaka ba bangwe, gongwe tse lona lo re begang ka tsona? Ke lona lokwalo lwa rona lo lo kwadilweng mo dipelong tsa rona, lo lo itsiweng, lo lo buisiwang ke batho botlhe; ka lo ntse lo bonala gore lo lokwalo lwa ga Keresete lo lo dirilweng ke rona, lwa kwalwa, e seng ka enke, mme e le ka Mowa wa Modimo o o tshelang, e seng mo matlapeng a maboti, mme e le mo matlapeng a nama a dipelo. Mme re na le boikanyo jo bo ntseng jalo go Modimo ka Keresete. Ga se gore rona ka rosi re nonofile go ka akanya sengwe ka borona, mme nonofo ya rona e tswa mo Modimong o o re nonofisitseng go nna badiredi ba kgolagano e ntšhwa, e seng ba tlhaka ya Lokwalo, mme e le ba Mowa; gonne tlhaka e a bolaya, mme Mowa o a phedisa. Mme fa tirelo ya loso e e kwadilweng ka ditlhaka mo matlapeng e ne e tlala kgalalelo, mo Baiseraele ba neng ba palelwa ke go tlhoma matlho mo sefatlhegong sa ga Moše ka ntlha ya kgalalelo ya sefatlhego sa gagwe, etswe e le e e tla nyelelang, kana tirelo ya Mowa yone e tla nna le kgalalelo e kgolo bogolo jang ne! Gonne fa tirelo ya katlholo e na le kgalalelo, tirelo ya tshiamo yona e tla bo e tletse kgalalelo bogolo bogolo; gonne golo fa se se galaleditsweng ga se tlhole se galalediwa ka ntlha ya kgalalelo e e feteletseng. Gonne fa sona se se nyelelang se ne se na le kgalalelo, se se nnelang ruri se tla nna le kgalalelo e kgolo bogolo. E re ka jaanong re na le tsholofelo e e ntseng jalo, re dirisa bopelokgale jo bogolo, mme ga re etse Moše yo o neng a bipa sefatlhego sa gagwe ka lesire gore Baiseraele ba se ka ba bona bokhutlo jwa se se nyelelang. Mme maitlhômô a bone a thatafaditswe; gonne go fitlha letsatsing la kajeno lone lesire leo le ntse le le mo puisong ya kgolagano e kgologolo, le sa tlosiwe; gonne e tlosiwa ka Keresete fela. Mme go fitlha letsatsing la kajeno, e a re fa Lokwalo lwa ga Moše lo buisiwa, lesire le nne mo dipelong tsa bone; mme fa ba ka boela go Morena, lesire le tla tlosiwa. Morena ke ene Mowa, mme kwa Mowa wa Morena o leng teng, gona go kgololesego. Mme rona rotlhe, e re ka re bonatsa kgalalelo ya Morena jaaka seiponi ka difatlhego tse di sirolotsweng, re fetolelwa tshwanong eo go tswa kgalalelong nngwe go ya kgalalelong e nngwe, jaaka go dirwa ke Morena yo e leng Mowa. Ke ka ntlha ya moo re sa lapeng, ka re na le tirelo eo ka fa kutlwelong-botlhoko e re e diretsweng, mme re baketse tse di fitlhegileng tsa ditlhong, ka re sa tsamae mo boferefereng, le e seng go sokamisa Lefoko la Modimo; mme ka go bonatsa boammaaruri re ntse re itshupetsa digakolodi tsotlhe tsa batho fa pele ga Modimo. Mme le fa Efangele ya rona e ka ne e siregile, e tla bo e siregile fela mo go ba ba latlhegang, e bong bone ba ba sa dumeleng, ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng maikutlo a bone, gore lesedi la Efangele ya kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba bonegela. Gonne ga re rere ka ga rona, re rera Keresete Jesu gore ke ene Morena, le gore rona re batlhanka ba lona ka ntlha ya ga Jesu; gonne Modimo o o rileng: “A lesedi le phatsime mo lefifing!” ke ona o o sedifaditseng dipelo tsa rona, e le go bonesiwa go ka lemoga kgalalelo ya Modimo mo sefatlhegong sa ga Jesu Keresete. Mme khumo eo re e tshotse ka dinkgwana tsa letsopa, gore thata e kgolo bogolo e nne ya Modimo, e seng e e tswang mo go rona. Re gatelelwa ntlheng tsotlhe, mme ga re felelwe; re a tlalediwa, mme ga re tlhoboge; re a bogisiwa, mme ga re latlhwe; re a digwa, mme ga re nyelele; re tsamaya re ntse re apere go swa ga Jesu mo mebeleng gore le go tshela ga Jesu go bonale mo mebeleng ya rona; gonne rona ba re tshelang re ntse re neelwa mo losong ka ntlha ya ga Jesu gore le go tshela ga Jesu go bonale mo nameng ya rona e e swang. Jalo he, loso lo dira mo go rona, mme botshelo bo dira mo go lona. Mme jaanong, ka re na le mowa ona oo wa tumelo, jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke dumetse, ke ka moo ke buileng,” le rona re a dumela; ka moo re bile re a bua, ka re itse gore ona o o tsositseng Morena Jesu, le rona o tla re tsosa le Jesu le go re emisa fa pele ga ona le lona. Gonne dilo tsotlhe tse, di dirafala ka ntlha ya lona, gore bopelotlhomogi jo bo totileng ka ba bantsi ba ba pholosiwang bo godise tebogo go galaletsa Modimo. Ke ka moo re sa nyemeng moko. Mme le fa bomotho jwa rona jwa ka kwa ntle bo fedisiwa, jo bo kwa teng jone bo ntšhwafadiwa ka letsatsi le letsatsi; gonne tlalelo ya rona e e botlhofo ya nako e khutshwane e re direla letlotlo le le sa khutleng le le gaisang tsotlhe la kgalalelo, ka re sa tlhokomele dilo tse di bonwang, mme re tlhokometse tse di sa bonweng; gonne dilo tse di bonwang di a feta, mme tse di sa bonweng tsona ke tsa bosakhutleng. Gonne re itse gore fa ntlo ya rona ya lefatshe ya motlaagana e thujwa, re na le kago e e tswang mo Modimong, e bong ntlo e e sa khutleng kwa magodimong e e sa dirwang ka diatla. Gonne re fegelwa ka ntlha ya moo, re tlhologeletswe go apesiwa boago jwa rona jo bo tswang kwa legodimong; e le gore fa re bo apesitswe, ga re ne re fitlhelwa re sa ikatega. Gonne le rona, ba re leng mo motlaaganeng ono, re a fegelwa, re a imelwa; ka gonne ga re rate go apolwa, re rata go apesiwa godimo gore se se swang se mediwe ke bophelo. Mme yo o re etleeleditseng gona moo ke Modimo o o re neileng sebeelelo sa Mowa. Ka moo re na le bopelokgale ka metlha yotlhe, re itse gore fa re sa ntse re agile mo mmeleng, re kgakala le legae Moreneng; gonne re sepela ka tumelo, e seng ka go bona. Mme re pelokgale, re bile re eletsa bogolo go huduga mo mmeleng le go goroga go nna le Morena. Ke gona ka moo re tlhoafaletseng thata gore fa re le mo gae gongwe re se mo gae, re nne ba ba mo kgatlhang; gonne rona rotlhe re na le go bonala fa pele ga sedulo sa tshekelo sa ga Keresete gore mongwe le mongwe a amogele ka fa ditirong tse a di dirileng a sa le mo mmeleng, le fa e le tse di molemo kampo tse di bosula. Jaanong e re ka re itse go boifa Morena, re leka go kgona batho, re ntse re senogetse Modimo; mme ke solofela gore le mo digakoloding tsa lona ke senogile. Ga re ipoke gape mo go lona, mme re lo neela tlhotlheletso ya go boka ka ntlha ya rona, gore lo nne le sengwe kgatlhanong le bone ba ba ipokang ka se se bonalang fela, e seng ka se se mo pelong; gonne fa re ne re timeletswe ke tlhaloganyo, e ne e le ka ntlha ya Modimo; mme fa re dira ka tlhaloganyo, e tla bo e le ka ntlha ya lona. Gonne lorato lwa ga Keresete lo a re tlhotlheletsa, ka re kaya gore fa mongwe a swetse botlhe, ba a bo ba sule botlhe. Mme ene o swetse botlhe gore ba ba phelang ba se tlhole ba iphelela, mme ba phelele ene yo o ba swetseng, a ba a tsoga ka ntlha ya bone. Jalo he, go tlogeng fano ga re tlhole re itse ope ka fa nameng; mme fa re kile ra itse Keresete ka fa nameng, jaanong ga re tlhole re mo itse jalo. Ka moo he, fa motho a le mo go Keresete, o a bo a le sebopiwa se sešwa; dilo tsa bogologolo di fetile, bonang, di ntšhwafetse tsotlhe! Mme tsotlhe tse, di tswa mo Modimong o o ithuantseng le rona ka Jesu Keresete, wa ba wa re neela tirelo ya thuanyo; gonne Modimo o ithuantse le lefatshe ka Keresete ka go sa ba balele maleo a bone, wa tlhoma lefoko la thuanyo mo go rona. Ke ka moo re leng barongwi mo boemong jwa ga Keresete, ka Modimo o kgothatsa ka rona; re rapela mo boemong jwa ga Keresete ra re: Ineeleng go ruanngwa le Modimo! Gonne Keresete yo o neng a sa itse boleo, Modimo o mo dirile boleo ka ntlha ya rona gore re nne basiami fa pele ga ona ka ene. Le rona, ba re leng badira-mmogo, re lo kaela gore lo se tsholele bopelotlhomogi jwa Modimo lefela; gonne o a re: “Ke go utlwile ka nako ya go ka amogelwa, ke go thusitse ka letsatsi la pholoso.” Bonang he, jaanong ke nako ya go ka amogelwa sentle; bonang, jaanong ke letsatsi la pholoso! Ga re kgopise ope mo go sepe, gore tirelo ya rona e se ka ya kgalwa, mme re itshupa mo dilong tsotlhe gore re badiredi ba Modimo, ka boitshoko jo bogolo mo dipogisong le mo ditlalelong le mo dipitlaganong le mo dipetsong le mo dikgolegong le mo dikhuduegong, ka matsapa le ka tlhobaelo le ka tlala le ka boitsheko le ka kitso le ka bopelotelele le ka tsalano le ka Mowa o o Boitshepo le ka lorato lwa go sa itimokanyeng le ka lefoko la boammaaruri le ka thata ya Modimo le ka marumo a tshiamo ka fa letsogong le le jang le la molema; ka go tlotlwa le ka go tlotlololwa, ka go bolelwa ka bosula le ka molemo; jaaka batimetsi, etswe re le ba nnete; jaaka ba ba sa itsiweng, etswe re itsiwe; jaaka ba ba swang, mme bonang, re a tshela; jaaka ba ba itewang, mme re sa bolawe; jaaka ba ba hutsafetseng, etswe re itumetse ka gale; jaaka bahumanegi, etswe re humisa ba bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, etswe re na le dilo tsotlhe. Melomo ya rona e lo bulegetse, lona Bakorinthe, dipelo tsa rona di phuthologile. Ga lo tlhoke manno mo go rona, mme lo tlhoka manno mo dipelong tsa lona. Ke bua le lona jaaka ke bua le bana ka re: Le nna ntireleng jaaka ke lo diretse; phuthologang dipelo le lona! Lo se ka lwa goga ka joko e le nngwe le ba ba sa dumeleng; gonne tshiamo e ka utlwana jang le tshiamololo? Lesedi le ka kopana jang le lefifi? Mme Keresete a ka utlwana jang le Beliale? Kampo modumedi a ka tlhakanela eng le yo o sa dumeleng? Gongwe Tempele ya Modimo e ka agisanya jang le medimo e sele? Kana ke rona Tempele ya Modimo o o tshelang; jaaka Modimo o buile wa re: “Ke tla nna mo go bone, ke tsamaya mo gare ga bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba nna morafe wa me.” Ka moo: “Tswayang mo gare ga bone, lo lomologane nabo, go bua Morena; lo se ka lwa ama se se itshekologileng, mme ke tla lo tshola.” Gape: “Ke tla nna Rraeno, mme lo nne bomorwaake le bomorwadiake, go bua Morena wa thata yotlhe.” Baratwi ba me, e re ka jaanong re na le ditsholofetso tseo, a re iphepafatseng mo masweng otlhe a nama le a mowa, le go tlatsa boitshepiso ka poifo-Modimo. Re feng manno mo dipelong tsa lona; ga re a siamololela ope, ga re a senyetsa ope, ga re a ja sa ga ope. Ga ke bue jalo go sekisa; gonne ke setse ke boletse gore lo mo dipelong tsa rona, gore re swe mmogo, re be re phele mmogo. Ke lo phuthologetse pelo thata, ke na le tlotlego e kgolo ka ntlha ya lona, ke tletse kgomotso, ke na le letlotlo la boitumelo mo tlalelong yotlhe ya rona; gonne e rile re sena go fitlha kwa Maketonia, mebele ya rona ya tlhoka boikhutso, ra tlalelwa mo go tsotlhe, ka kwa ntle go le dintwa, mo teng go le dipoifo. Mme Modimo o o gomotsang ba ba bogisegang o re gomoditse ka go tla ga Tito; e seng ka go tla ga gagwe fela, mme e bile e le ka kgomotso e ene o gomoditsweng ka ntlha ya lona ka yona, fa a re bolelela tlhologelelo ya lona le selelo sa lona le ka fa lo ntlhoafaletseng ka teng, mo ke bileng ka itumela gagolo. Gonne le fa ke lo hutsafaditse ka lokwalo, ga ke inyatse; le fa ke ne ka inyatsa, ka ke bonye gore lokwalo lole lo lo hutsafaditse, le fa e le ka nakonyana fela, jaanong ke a itumela, e seng ka lo ne lo hutsafaditswe, mme e le ka lo ne lo hutsafaditswe mo go isang boikwatlhaong; gonne lo ne lo hutsafaditswe ka fa thatong ya Modimo gore lo se ka lwa senyediwa mo go sepe ke rona. Gonne khutsafalo e e batlwang ke Modimo e dira tlhabologo e e sa swabiseng e e isang phologong, mme khutsafalo ya lefatshe yona e isa losong. Gonne bonang, selo seo, e bong go hutsafadiwa ka fa thatong ya Modimo go tsositse botlhaga jo bogolo jang ne mo go lona! Ee, le boikarabelo le kgakalo le poifo le tlhologelelo le tlhoafalo le petso ya yo o molato, lo itshupile mo go tsotlhe gore lo phepa mo selong seo. Jaanong le fa ke lo kwaletse, e ne e se ka ntlha ya yo o kgopisitseng, le fa e le ka ntlha ya yo o kgopisitsweng, mme e ne e le gore botlhaga jwa lona ka ntlha ya rona bo bonatsege mo go lona fa pele ga Modimo. Re ne ra gomotsega ka ntlha ya moo. Mme kgomotsego ya rona ya okediwa ka go itumelela boitumelo jwa ga Tito mo go feteletseng; ka gonne mowa wa gagwe o lapolositswe ke lona lotlhe. Fa nkile ka lo boka fa pele ga gagwe, ga ke a ka ka tlhajwa ke ditlhong; mme poko ya rona fa pele ga Tito ya bonala e le boammaaruri, jaaka re buile dilo tsotlhe mo go lona ka boammaaruri. Pelo ya gagwe e lo rata bogolo bogolo, ka a gakologelwa kutlo ya lona lotlhe, jaaka lo ne lwa mo tshola ka poifo le thoromo. Ke a itumela, ka ke ka lo ikanya mo dilong tsotlhe. Ba ga etsho, re lo itsise bopelotlhomogi jwa Modimo jo bo neilweng diphuthego tsa kwa Maketonia, gore mo teng ga diteko tse dintsi tsa tlalelo, letlotlo la boitumelo jwa bone le khumanego e e makete ya bone di dirile gore go tsalege lorato lo logolo lwa go aba; gonne ke supa gore ba ne ba le pelotshweu ka fa ba ka kgonang ka teng, ee, le go feta thata ya bone; ba re rapela ka go re emelela thata gore ba letlelelwe go tsenya seatla mo tirelong ya go thusa baitshepi. Mme ba dira, e seng fela ka fa re neng re solofetse ka teng, mme ba ineela Morena pele, ba be ba ineela le rona ka go rata ga Modimo, mo re bileng ra kgothatsa Tito gore a fetse le tiro eo ya lorato mo go lona jaaka a simolotse pele. A e re jaaka lo humile gotlhe, e bong mo tumelong le mo lefokong le mo kitsong le mo botlhageng jotlhe le mo loratong lo lo tswang mo go rona, lwa tsalega mo go lona, lo tlhokomele gore lo hume le mo tirong eo ya lorato. Ga ke bue jalo go laola, mme e le go leka nnete ya lorato jwa lona ka botlhaga jwa ba bangwe; gonne lo itse bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu gore le fa a ne a humile, o ne a humanega ka ntlha ya lona gore lo hume ka khumanego ya gagwe. Ke ntsha mogopolo wa me ka ga tiro eo, gonne e tla lo thusa, lona ba lo simolotseng ngogola, e seng go dira fela, mme le gona e le go dira ka bopelotshweu. Mme jaanong fetsang le go dira, gore lo fetse ka fa lo tshotseng ka teng, ka fa maikaelelo a lorato a ntseng ka teng. Gonne fa go rata go le teng, go natefa, fa motho a ntsha ka fa a tshotseng ka teng, e seng ka fa a sa tsholang ka teng. Kana ga se gore ba bangwe ba imololwe, mme lona lo imelwe, mme e le gore go lekalekane: A mo nakong eno letlotlo la lona le direle go tlhoka ga bone gore le letlotlo la bone le direle go tlhoka ga lona, gore go lekalekane, jaaka go kwadilwe ga twe: “Yo o phuthileng tse dintsi a se ka a nna le letlotlo, mme yo o phuthileng go le gonnye a se ka a tlhoka.” A Modimo o lebogwe o o lo tsoseditseng botlhaga joo mo pelong ya ga Tito; gonne le fa a amogetse kaelo, o ile kwa go lona ka boene, ka a le tlhaga thata. E bile re romile mokaulengwe nae, yo pako ya gagwe e tumileng mo diphuthegong tsotlhe ka go rera Efangele. Ga se gona fela, e bile o tlhaotswe ke diphuthego go tsamaya le rona ka ntlha ya dineo tsa lorato tse re yang go di fitlhisa go galaletsa Morena ka esi le go supa go rata ga rona; re tle re thiboge gore go se nne ope yo o re senyang leina ka ntlha ya letlotlo la dineo tse di phuthwang ka taelo ya rona; gonne re tlhokomela tse di sa belaetseng, e seng fa pele ga Modimo fela, mme le fa pele ga batho. Mme gape re romile mokaulengwe yo mongwe wa rona nabo, yo re mo fitlhetseng gantsi a le tlhaga mo dilong tse dintsi, mme jaanong o tlhaga bogolo ka go lo ikanya gagolo. Fa e le Tito, ke mokaulengwe wa me le mothusi wa me mo go lona; fa e le bakaulengwe ba rona, ke barongwi ba diphuthego le kgalaletso ya ga Keresete. Ba bontsheng he nnete ya lorato lwa lona le ya go lo boka ga rona fa pele ga diphuthego. Kana tota ga go batlege gore ke lo kwalele ka ga tirelo ya go thusa baitshepi. Gonne ke itse ketleetsego ya lona e ke e lo bokelang mo go ba Maketonia gore Agaya o sa le a ipaakanya ngogola, mme tlhoafalo ya lona e tlhotlheleditse ba bantsi. Mme ke romile bakaulengwe gore go lo boka ga rona go se nyelele ntlheng ya tiro eo, mme lona lo nne ba ba ipaakantseng jaaka ke buile; e se re gongwe fa ba Maketonia ba tla le nna, mme ba fitlhela lo ise lo ipaakanye, rona – tota nka bo ke re: Lona – ra tlhajwa ke ditlhong ntlheng ya go lo ikanya jalo. Ke ka moo ke fitlhetseng go batlega gore ke kgothatse bakaulengwe ba gore ba re etelele pele go tla koo go lona, ba baakanye neo ya tshegofatso ya lona go sa le kwa pele, e e begilweng pele, gore e nne e e baakantsweng jaaka neo ya tshegofatso, e seng jaaka ya bohula. Mme akanyang tse: Yo o jwalang go le gonnye le gona o tla roba go le gonnye; mme yo o jwalang go le gontsi le gona o tla kotula go le gontsi. A mongwe le mongwe a abe ka fa a ikaeletseng ka teng mo pelong, e seng ka bohutsana gongwe ka go patelediwa; gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo. Mme Modimo o nonofile go lo atisetsa neo nngwe le nngwe ya bopelotlhomogi, gore lo nne le tsotlhe tse di lekanyeng ntlheng tsotlhe ka gale, le letlotlo la go ka dira tiro nngwe le nngwe e e molemo; jaaka go kwadilwe ga twe: “O gasitse, a fa bahumanegi; tshiamo ya gagwe e nna ka bosakhutleng.” Mme yo o nayang mojwadi peo le senkgwe sa go jewa, le lona o tla lo naya peo ya lona, a e atisa, a ba a godisa maungo a tshiamo ya lona, gore lo hume dilo tsotlhe go ka dira tiro nngwe le nngwe ya lorato e e direlang Modimo tebogo ka rona. Gonne tirelo ya go thusa jalo ga e tlatse go tlhoka ga baitshepi fela, mme e bile e atile ka malebogo a mantsi mo Modimong; gonne boikanyego jwa lona jo bo itshupang ka tirelo eo bo dira gore ba galaletse Modimo ka ntlha ya maipolelo a lona a go utlwa Efangele ya ga Keresete le ka ntlha ya nnete ya go kopana nabo le botlhe. Mme le bone ba tla lo rapelela, ka ba lo tlhologeletswe ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo bogolo mo go fetisang mo go lona. Mme Modimo a o lebogelwe neo ya ona e e fetang go ka bolelwa! Mme nna Paulo ka nosi ke lo rapela ka bopelonolo le bopelonomi jwa ga Keresete, yo e a reng fa ke le koo go lona, ke be ke le boikokobetso, mme fa ke se yo, ke be ke le pelokgale mo go lona. Ke kopa gore e re fa ke le teng koo, ke se ka ka tshwanela go ema senna ka bopelokgale jo ke ikaeletseng go beta pelo ka jona go tlhasela bangwe ba ba reng, re tshela ka fa nameng. Gonne le fa re sepela mo nameng, ga re tlhabane ka fa nameng; kana dibolai tsa tlhabano ya rona ga se tsa nama, mme di nonofile ka Modimo go ka diga dikago tsa phemelo; re senya maano le kago nngwe le nngwe e e godimo ya phemelo e e tsogelang kitso ya go itse Modimo, re be re golega kakanyo nngwe le nngwe gore e utlwe Keresete; e bile re ntse re iketleeditse go betsa bosautlweng bongwe le bongwe, fa kutlo ya lona e sena go tladiwa. Lebang tse di fa pele ga matlho! Fa motho a ikaya a le wa ga Keresete, a a akanye gape gore le rona re ba ga Keresete jaaka ene. Gonne le fa nka ipoka go feta moo ka ntlha ya thata ya rona e Morena o e re neileng go lo aga, e seng go lo rutla, ga nka ke ka tlhajwa ke ditlhong. Mme ga ke ipoke gore ke se nne jaaka e kete ke lo tshosa ka dikwalo. Gonne ba re: “Dikwalo tsona di bokete, di thata, mme fa a le teng ka boene, o bokoa, e bile puo ya gagwe e a nyatsega.” A yo o reng jalo a akanye gore se re leng sona ka lefoko mo dikwalong, fa re se yo, re ntse re le sona le ka tiro, fa re le teng. Gonne ga re ne re leka go ikopanya le bone gongwe go itshwantshanya le bone ba ba ipokang; kana ba selekanyo sa bone e leng bone ka bosi, ba ba tshwantshang le bone ka bosi, ga ba na tlhaloganyo. Mme rona ga re nke re ipoka go feta selekanyo, mme e tla nna ka fa selekanyong sa karolo ya tiro e Modimo o re abetseng selekanyo sa yona go fitlha le koo go lona. Gonne ga re ikotlolole ka go fetisa jaaka e kete ga re ise re fitlhe koo go lona; kana re fitlhile le koo go lona, ra ba raka ka thero ya Efangele ya ga Keresete. Ga re ipoke go feta selekanyo ka tiro ya ba bangwe, mme e le ka go nna le tsholofelo ya gore, fa tumelo ya lona e gola, re godisiwe mo go lona ka fa karolong ya tiro ya rona mo go fetisang, gore Efangele e be e rerwe ke rona mo mafelong a a kwa pele ga lona, re sa ipoke ka tiro e e setseng e dirilwe mo mafelong a a laoletsweng o sele. “Yo o ipokang a a ipoke mo Moreneng!” Gonne moikanyegi ga se yo o ipokang, mme ke yo o bokwang ke Morena. E kete lo ka bo lo itshokela bosilo jwa me go le gonnye! Intshokeleng tlhe! Kana ke lo tlhoafaletse ka tlhoafalo ya Modimo; gonne ke lo beeletse monna a le mongwe fela gore ke lo ise kwa go Keresete lo le lekgarebe le le itshekileng. Mme ke boifa gore maikutlo a lona a ka senyega, a faposiwa mo nneteng le mo boitshekong jwa go ineela Keresete, jaaka noga e kile ya tsietsa Efa ka boferefere jwa yona. Gonne e a re fa mongwe a tla, a rera Jesu o sele, yo rona re sa mo rerang, gongwe fa lona lo ka tshola mowa o sele o lo neng lo sa o tshola, gongwe Efangele e sele e lo neng lo sa e amogela, lo mo amogele fela. Gonne ke kaya gore ga ke phalwe ke baapostolo bao ka sepe ba ba reng, ba bagolo. Le fa ke se setswerere mo go bueng, ntlheng ya kitso ke sona, mme re e lo senoletse gotlhe fa pele ga botlhe. A kampo ke dirile boleo ka go ikokobetsa gore lona lo tle lo godisiwe, ka ke lo reretse Efangele ya Modimo kwa ntle ga tuelo? Ke thukhuthile diphuthego tse dingwe ka go tsaya tuelo gore ke direle lona. E rile ke le fa go lona ke tlhoka, ka se ka ka imetsa ope; gonne go tlhoka ga me go tlositswe ke bakaulengwe ba ba neng ba tswa kwa Maketonia; ke ne ka ithiba mo go tsotlhe gore ke se ka ka imetsa ope, mme ke tla nna ke ithiba. Ka boammaaruri jwa ga Keresete jo bo mo go nna, poko eo ka ga me ga e nke e didimadiwa mo dinageng tsa Agaya! E le ka ntlhaang? A ke ka gore ga ke lo rate? Moo go itse Modimo. Mme se ke se dirang ke tla nna ke se dira, gore bone ba ba batlang lebaka la go fitlhelwa ba tshwana le rona ka tse ba ipokang ka tsona, ke le ba senyetse. Gonne batho ba ba ntseng jalo ke baapostolo ba maaka le badiri ba tsietso, ka ba itirile e kete ke baapostolo ba ga Keresete. Mme ga se kgakgamatso; gonne ene Satane ka esi o a tle a iphetole go nna moengele wa lesedi e se ene. Ke ka moo go sa gakgamatseng, fa le bone batlhanka ba gagwe ba iphetola go nna batlhanka ba tshiamo e se bone, ba bokhutlo jwa bone bo tla nnang ka fa ditirong tsa bone. Ke bua gape ka re: A go se nne ope yo o gopolang gore ke lesilo; mme fa lo re jalo, ntsholang he jaaka lesilo, gore le nna ke be ke ipoke go se kae. Se ke se buang jaanong ga ke se bue ka fa moweng wa Morena, mme ke ka bosilo, ka gore go a ipokwa. E re ka ba bantsi ba ipoka ka fa nameng, le nna ke tla ipoka. Gonne lo itshokela masilo ka boitumelo, etswe lo le botlhale. Lo itshokela motho, fa a lo dira batlhanka, fa a lo jela, fa a lo golega, fa a ikgodisa, fa a lo itaya mo sefatlhegong. Ke bua ka go itlhabisa ditlhong ka re: Tseo di re paletse. Mme se mongwe o ikgantshang ka sona – ke bua ka bosilo – le nna ke ikgantsha ka sona: Ba re: Re Bahebere, le nna ke Mohebere! Ba re: Re Baiseraele, le nna ke Moiseraele! Ba re: Re ba losika lwa ga Aborahame, le nna ke ntse jalo! Ba re: Re badiredi ba ga Keresete – ke bua jaaka lesilo – nna ke a ba gaisa; ke ba gaisa ka matsapa le ka dikgolego le ka go boga dipetso mo go fetisang le ka dikotsi tsa loso gantsintsi. Ke kgwathisitswe gatlhano ke Bajuta, ba mpetsa dithupa tse di tlhaetseng e le nngwe mo masomeng a le mane. Ke beditswe gararo ka dithobane, ka kgobotlediwa gangwe ka majwe, ka dirafalelwa ke thubego ya mokoro gararo, ka tlhola bosigo le letsatsi mo botennye jwa lewatle. Ke etile gantsi, ke ne ke le mo dikotsing tsa dinoka le mo dikotsing tsa dinokwane, mo dikotsing tsa ba ga etsho le mo dikotsing tsa baheitane, mo dikotsing mo motseng le mo dikotsing mo sekakeng, mo dikotsing mo lewatleng le mo dikotsing tsa bakaulengwe ba maaka. Ke ne ke le mo matsapeng le maitapisong, ke tlhoka boroko gantsi, ke bolawa ke tlala le lenyora, ke itima dijo gantsi, ke bolawa ke serame le go sa apara. Kwa ntle ga tse dingwe tse di dirafalang ke etelwa ke ba bantsi ka letsatsi le letsatsi, ke tshwenyegela diphuthego tsotlhe. Ke mang yo o ka koafalang, nna ke sa koafale nae? Ke mang yo o ka kgopisiwang, nna ke sa swe pelo? Fa go tshwanetse go ipokwa, ke tla ipoka ka tsa bokoa jwa me. Modimo, Rra Morena Jesu, o o bokwang ka bosakhutleng, o itse gore ga ke ake. Kwa Damaseko kgosana ya kgosi Areta e ne ya disa motse wa Badamaseko gore e ntshware; mme ka folosiwa ka seroto ka fenstere e e mo loboteng, ka falola mo diatleng tsa gagwe. Boipoko bo tshwanetse, le fa bo sa thuse sepe. Ke ka moo ke tla fetelang kwa diponong tsa me le kwa maipontshong a Morena. Ke itse motho mo go Keresete yo o kileng a phamolelwa kwa legodimong la boraro, ngwaga ono ke wa lesome le bone. Ga ke itse gore a o ne a le mo mmeleng gongwe kwa ntle ga mmele; go itse Modimo. Mme ke itse motho yo o ntseng jalo – ga ke itse gore a o ne a le mo mmeleng gongwe kwa ntle ga mmele; go itse Modimo – gore o ne a phamolelwa kwa Parateiseng, a utlwa mafoko a a sa ka keng a bolelwa, a motho o sa letlelelwang go a bua. Ke tla ipoka ka ntlha ya yo o ntseng jalo; mme ga nke ke ipoka ka bonna, fa e se ka makoa a me fela. Gonne fa nka rata go ipoka, ke tla bo ke se lesilo, ka ke tla bo ke bua boammaaruri. Mme ke a itshwara gore go se nne ope yo o gopolang ka ga me go feta se a se bonang mo go nna gongwe se a se utlwang ka ga me. Mme ke ne ka tsenngwa mutlwa mo nameng, e bong moengele wa ga Satane, gore a nkitle ka matswele, e le gore ke se ikgodise ka bogolo jo bo fetisang jwa diponatshego. Ke ne ka rapela Morena gararo ka ntlha ya moo gore a ntlogele. Mme Morena a nthaya a re: “Bopelotlhomogi jwa me bo go lekanye; gonne thata ya me e bonala ka botlalo mo bokoeng.” Ke gona ka moo bogolo ke tla ipokang ka makoa a me gore thata ya ga Keresete e nne mo go nna. Ke ka ntlha ya moo ke itumelelang makoa le ditshotlo le ditlalelo le dipogiso le dipitlagano ka ntlha ya ga Keresete; gonne e a re fa ke le bokoa, e be e le gona ke leng thata. Ke diregile lesilo ka go ipoka; ke lona lo mpateleditseng jalo; gonne ke ne ke tshwanetse go bokwa ke lona. Gonne ga ke tlhaele sepe sa baapostolo ba bagolo, le fa ke se sepe. Kana maitshupo a moapostolo a dirilwe mo go lona ka boitshoko jotlhe ka ditshupo le dikgakgamatso le ka ditiro tsa nonofo. Kana ke eng se diphuthego tse dingwe di lo fetang ka sona, fa e se fela gore lona ga ke a ka ka lo imetsa ka sepe? Intshwareleng tshiamololo eo! Itseng, ke ipaakantse jaanong go tla koo go lona la boraro, mme ga ke ne ke lo imetsa; gonne ga ke batle di-tsa-lona, ke batla lona. Kana ga se tshwanelo gore bana ba phuthele bagolo khumo, mme bagolo ba phuthela bana khumo. Mme nna ke tla itumela go ntsha tsotlhe le go intsha ka nosi ka ntlha ya mewa ya lona. Fa nna ke lo rata thata thata, a ke go re, nna ke ratwe sebotlana? Mme a go nne jalo, nna ga ke a ka ka lo imetsa; mme ka ke na le maano, ke ne ka lo tseela ka bolotsana. A kampo ke ne ka bapala mo go lona ka mongwe wa bone ba ke ba romileng kwa go lona? Ke kaetse Tito, ka ba ka roma mokaulengwe nae. A kampo Tito o ne a bapala mo go lona? A ga re a ka ra tsamaya ka mowa o le mongwe fela, ra gata motlhala o le mongwe fela? Ga lo bolo go gopola gore re ipuelela mo go lona. Nnyaya, re bua fa pele ga Modimo mo go Keresete; mme baratwi, tsotlhe tseo ke tsa go lo aga. Gonne ke boifa gore e ka re fa ke tsile, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka ke eletsa, le lona lwa mphitlhela ke ntse jaaka lo sa eletse; ka fitlhela go le kgang le lefufa le dikgakalo le dikganetsanyo le ditshenyomaina le ditshebo le maikgodiso le ditlhakatlhakanyo mo go lona; e se re gongwe fa ke sena go tla gape, Modimo wa me wa nkokobetsa mo go lona, mme ka hutsafalela ba le bantsi ba bone ba ba kileng ba leofa, mme ba se ka ba sokologa mo boitshekologong le boakeng le bopepeng, tse ba di dirileng. Jaanong ke la boraro ke tlang koo go lona; mafoko otlhe a tla tlhomamisiwa ka melomo ya basupi ba le babedi gongwe ba le bararo. Ba ba kileng ba leofa le ba bangwe botlhe ke ba boleletse pele, fa ke ne ke le koo la bobedi, le gompieno ke sa ntse ke bolelela pele, ke se yo, ka re: E tla re fa ke tla gape, ke se ke ke ba rekegele; ka e le gore lo batla go bona sesupo sa gore Keresete o bua ka nna yo o seng bokoa tebaganong le lona, mme a le thata mo go lona. Gonne le fa a ne a bapolwa a le bokoa, o tshela ka thata ya Modimo. Kana le rona re bokoa mo go ene, mme re tla phela nae ka thata ya Modimo ka ntlha ya lona. Itlhatlhobeng ka losi gore a lo mo tumelong, lo iteke. A kampo ga lo itemoge, fa Jesu Keresete a le mo go lona? Kana fa go se jalo, lo ka bo lo sa ikanyege. Mme ke solofela gore lo tla lemoga, fa rona re se ba ba sa ikanyegeng. Mme ke rapela Modimo gore lo se dire bosula bope, e se gore rona re bonale re le ba ba tlhomameng, mme e le gore lona lo dire tse di molemo, mme rona re nne jaaka e kete re ba ba sa tlhomamang. Gonne re palelwa ke go lwantsha boammaaruri, mme re na le go bo emela. Re a itumela, fa rona re le bokoa, mme lona lo le thata; mme se re se rapelelang ke gore lo nne ba botlalo. Ke ka moo ke lo kwalelang dilo tseo, ke se yo mo go lona, gore e re ke le teng, ke se ka ka dira ka bogale ka fa thateng e Morena o e nneileng ya go aga, e seng ya go rutla. Ke fetsa ka go re: Bakaulengwe, itumeleng lo siamisiwe, lo gomotsege; nnang le boitlhômô bo le bongwe fela lo agisanye! Foo Modimo wa lorato le kagiso o tla nna le lona. Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo. Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa. Bopelotlhomogi jwa Morena Jesu Keresete le lorato lwa Modimo le kabelanyo ya Mowa o o Boitshepo a di nne le lona lotlhe! Amen. Nna Paulo moapostolo – yo ke sa rongwang ke batho le e seng ka motho, mme e le ka Jesu Keresete le Modimo Rara yo o mo tsositseng mo baswing – le bakaulengwe botlhe ba ba nang le nna, re kwalela diphuthego tsa Galatia: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraarona le mo go Morena Jesu Keresete yo o ineetseng losong ka ntlha ya dibe tsa rona gore a re falodise mo lefatsheng leno le le bosula ka fa go rateng ga Modimo Rraarona yo kgalalelo e leng ya gagwe ka bosenabokhutlo. Amen. Ke gakgametse ka gore ene yo o lo biditseng ka bopelothomogi jwa ga Keresete, lo mo hularetse ka bonako, lwa ineela Efangele e sele, etswe go se e sele, e le fela ka gore go na le bangwe ba ba lo huduang, ba rata go fetola Efangele ya ga Keresete. Mme le fa rona gongwe moengele yo o tswang kwa legodimong a ka lo rerela Efangele e sele e e ganetsanyang le e re e lo reretseng, a a hutsege! Le jaanong ke bua gape jaaka ke buile pele ka re: Fa mongwe a ka lo rerela Efangele e sele e e ganetsanyang le e lo e amogetseng, a a hutsege! Fa ke re jalo, a ke batla lorato lwa batho gongwe lwa Modimo? A kampo ke batla go kgatlha batho? Kana fa nka bo ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo ke se motlhanka wa ga Keresete. Bakaulengwe, ke lo itsise gore Efangele e e rerilweng ke nna ga se ya motho. E bile ga ke a e amogela mo mothong, le e seng go e rutwa ke ope, mme ke ka go e senolelwa ke Jesu Keresete. Kana lo utlwile ka ga tsamao ya me ya pele mo thutong ya Bajuta gore ke ne ke bogisa phuthego ya Modimo gagolo thata thata, ke e senya; ka ba ka tswelela pele mo Sejuteng go feta balekane ba le bantsi ba morafe wa ga etsho, ka go re thuto e re e neetsweng ke borraetsho ke ne ke e tlhoafaletse mo go fetisang. Mme e rile go kgatlha Modimo o o ntlhaotseng go tswa mmeleng wa ga mmê, wa mpitsa ka bopelotlhomogi jwa ona; ya re go o kgatlha go ntshenolela Morwaa-ona gore ke tle ke rere Efangele ya gagwe mo baheitaneng, ka akofa, ka se ka ka gakololana le nama le madi; le gona ka se ka ka ya kwa Jerusalema kwa go bone ba e neng e le baapostolo pele ga me, mme ka ya kwa Arabia, ka ba ka boela kwa Damaseko. Morago ga moo, ya re go sena go feta dingwaga di le tharo, ka ya kwa Jerusalema go itsanye le Kefa, ka ba ka tlhola nae malatsi a le 15. Mme ga ke a ka ka bona baapostolo ba bangwe, fa e se Jakobo, monnaa Morena fela. Mme tse ke di lo kwalelang, reetsang, ke supa fa pele ga Modimo gore ga ke ake! Morago ga moo ka ya kwa mefameng ya Siria le Kilekia. Ke ne ke sa itsege ka sefatlhego mo diphuthegong tsa Jutea tse di mo go Keresete. Ba ne ba utlwile fela go twe: “Yo e rileng pele a bo a re bogisa, kajeno o rera tumelo e pele o neng a e senya.” Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me. Morago ga moo, dingwaga di le 14 di sena go feta, ka ya gape kwa Jerusalema, ke na le Baranaba, Tito le ene ka mo tsaya. Mme ke ne ka ya teng ke dirwa ke tshenolo, ka ba beela Efangele pele e ke e rerelang baheitane, mme ba ba kaiwang ba bagolo bone ka e ba beela pele ba le bosi, e se re gongwe ka bo ke tabogetse lefela gompieno gongwe metlha e e fetileng. Mme le Tito yo o neng a na le nna, ga a a ka a patelesega go rupa, le fa e le Mogerika; e le ka go ganetsa bakaulengwe ba tsietso ba ba tsentsweng ka bolotsana ba itshukunyetsa, ba tla go tlhola kgololesego ya rona e re nang nayo mo go Keresete Jesu, gore ba tle ba re patikelele mo botlhankeng; bao ra se ka ra ba thibogela, le e seng ka nako e le nngwe fela go ba ikokobeletsa, gore boammaaruri jwa Efangele bo tlhomamele ruri mo go lona. Fa e le bona ba ba neng ba kaiwa ba bagolo – se ba kileng ba bo ba le sona, ga ke se tsee tsia; Modimo ga o gobelelele motho ka fa ponalong – kana nna ba ba kaiwang ba bagolo ga ba a ka ba nkokeletsa sepe sa thuto. Nnyaya, e rile ba bona gore nna ke laoletswe Efangele mo go ba ba sa rupang fela jaaka Petoro a e laoletswe mo go ba ba rupileng. – Gonne yo o nonofisitseng Petoro mo tirong ya boapostolo mo go ba ba rupileng, le nna o nnonofisitse mo tirong ya boapostolo kwa baheitaneng – ya re ba lemoga bopelotlhomogi jo ke bo neilweng, Jakobo le Kefa le Johane, ba ba neng ba kaiwa dipilara, ba naya nna le Baranaba diatla tse di jang tsa kutlwano ya gore rona re ye kwa baheitaneng, mme bone ba ye kwa go ba ba rupileng. Fela ba re re gopole bahumanegi, mme ke se ke ntseng ke tlhoafetse go se dira. Mme e rile Kefa a fitlha kwa Antiogia, ka mo ganetsa mo matlhong, ka a bonywe molato; gonne ya re bangwe ba ba tswang kwa go Jakobo ba ise ba tle, a ja mmogo le baheitane; ya re ba sena go tla, a boa ka morago, a ikgaoganya nabo ka go boifa ba ba rupileng. Bajuta ba bangwe le bone ba itimokanya nae, mo Baranaba le ene o bileng a faposiwa ke boitimokanyo jwa bone. Mme ya re ke bona gore ga ba sepele ka fa tshwanelong ya boammaaruri jwa Efangele, ka raya Kefa fa pele ga botlhe ka re: “Fa wena yo o leng Mojuta o phela ka fa mokgweng wa baheitane, mme e seng wa Bajuta, o pateleletsang baheitane go phela ka fa mokgweng wa Bajuta?” Rona ba re leng Bajuta ka fa tlhagong, re se baleofi ba ba tswang mo baheitaneng, e re ka re itse gore motho ga a siamisiwe ka ditiro tsa molao, mme e le ka go dumela mo go Keresete Jesu, le rona re dumetse mo go Keresete Jesu gore re tle re siamisiwe ka go dumela mo go Keresete, mme e seng ka ditiro tsa molao; gonne ga go kitla go siamisiwa motho ope ka ditiro tsa molao. Mme fa rona ka rosi, ba re batlang go siamisiwa mo go Keresete, re kaiwa ba ba leofang ka go re jalo, a ke go re, Keresete ke moetleetsi wa boleo ne? Le go ka! Gonne fa ke aga gape tse ke di rutlileng, ke tla bo ke itira motlodi. Gonne nna, ntlheng ya molao ke moswi ka molao, gore ke tshelele Modimo, ke bapotswe mmogo le Keresete. Ke a tshela, mme ga e tlhole e le nna, ke Keresete yo o tshelang mo go nna, mme se ke se tshelang jaanong mo nameng ke se tshela ka go dumela mo go Morwa Modimo yo o nthatileng, a ba a ineela losong ka ntlha ya me. Ga ke latlhe boitshwarelo jwa Modimo; gonne fa tshiamo e le ka molao, Keresete o tla bo a swetse lefela. Bagalatia ba lo se nang tlhaloganyo! Lo loilwe ke mang go se utlwe boammaaruri, lona ba Jesu Keresete o lo tshwantsheditsweng jaaka e kete o bapotswe fa pele ga matlho a lona? Se ke ratang go se utlwa fela mo go lona ke go re: A lo amogetse Mowa ka ditiro tsa molao gongwe ka thero ya tumelo? A lo bosilo mo go kalo? Lo simolotse ka Mowa, a jaanong lo rata go fetsa ka nama? A dilo tse di kalokalo lo di lemogetse lefela? Fa ka nnete e ka nna lefela. Jaanong ona o o lo abelang Mowa o dirisa dithata mo go lona, a ke ka ditiro tsa molao, kampo ka thero ya tumelo? Aborahame “o ne a dumela Modimo, mme tumelo eo ya kaiwa tshiamo ya gagwe.” Itseng jalo he gore ba e leng ba tumelo ke bone bana ba ga Aborahame. Mme e re ka Lokwalo lo bonye pele, fa Modimo o tla siamisa baheitane ka tumelo, lwa bolelela Aborahame Efangele pele e e reng: “Merafe yotlhe e tla tshegofadiwa ka wena.” Ka moo ba e leng ba tumelo ba tshegofadiwa mmogo le Aborahame wa modumedi; mme botlhe ba e leng ba ditiro tsa molao ba mo khutsong; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsitswe mongwe le mongwe yo o sa direng tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa molao.” Go bonala gore ga go ope yo o ka siamisiwang ka molao fa pele ga Modimo; gonne go a twe: “Mosiami o tla phela ka tumelo.” Molao o go sele le tumelo, go a twe: “Yo o dirileng dilo tsa ona o tla phela ka tsona.” Keresete o re rekolotse mo khutsong ya molao, ka a diregile khutso mo boemong jwa rona; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsitswe mongwe le mongwe yo o pegilweng mo koteng;” go dirafetse jalo gore tshegofatso ya ga Aborahame e fitlhe mo baheitaneng ka Jesu Keresete, le gore rona re amogele Mowa o o solofeditsweng ka tumelo. Bakaulengwe, ke bua ka fa mokgweng wa batho ka re: Kana ga go na ope yo o ka dirololang lokwalo lwa boswa lwa motho, fa lo tlhomamisitswe, le e seng go lo oketsa. Mme jaanong ditsholofetso di boleletswe Aborahame le losika lwa gagwe. Modimo ga o bue o re: “Ditshika,” jaaka e kete di dintsi, mme e le lo lo longwe fela, e bong: “Losika lwa gago,” lo e leng Keresete. Ke bua jaana ka re: Kgolagano e tlhomamisitswe ke Modimo pele; mme molao o o tsileng morago ga dinyaga di le 430, ga o e dirolole le e seng go nyeletsa tsholofetso. Gonne fa boswa bo bonwa ka molao, bo tla bo bo sa tlhole bo bonwa ka tsholofetso; mme Modimo o bo file Aborahame fela ka tsholofetso. Jaanong molao e be e le wa eng? Ke o go okeditsweng tsholofetso ka ona ka ntlha ya ditlolo go ya losika lo lo boleletsweng tsholofetso lo be lo tle, wa tlhongwa ka baengele, wa neelwa mo seatleng sa motsereganyi. Mme jaanong motsereganyi ga se wa a le mongwe fela; Modimo ona o mongwe fela. A jaanong ke go re, molao o thulana le ditsholofetso tsa Modimo? A go se tualo! Gonne fa go ka bo go neilwe molao o o nonofileng go phedisa, foo ruri tshiamo e ka bo e tswa molaong. Mme Lokwalo lo golegeletse botlhe mo boleong gore ba ba dumelang ba newe tse ba di solofeditsweng ka go dumela mo go Jesu Keresete. E rile tumelo e ise e tle, ra bo re le mo tisong ya molao, re tswaletswe teng go ya tumelo e be e bonatsege. Ka moo he, molao o ne wa nna mowatlhai wa rona go re isa kwa go Keresete gore re tle re siamisiwe ka tumelo. Mme e re ka tumelo e tsile, ga re tlhole re le mo taolong ya mowatlhai; gonne lotlhe lo bana ba Modimo ka go dumela mo go Keresete Jesu. Gonne lona lotlhe ba lo kolobeditsweng mo go Keresete, lo apere Keresete. Ga go Mojuta gongwe Mogerika, ga go motlhanka gongwe yo o gololesegileng, ga go monna gongwe mosadi; gonne lotlhe lo tshwana fela mo go Keresete Jesu. Mme fa lo le ba ga Keresete, gona lo losika lwa ga Aborahame le barua-boswa ka fa tsholofetsong. Mme ka re: Fa morua-boswa e sa ntse e le ngwana, o a bo a sa tshwanologe le motlhanka ka gope, le fa e le mong wa dilo tsotlhe, mme o nna mo taolong ya baokamedi le batlamedi go ya motlheng o o laotsweng ke rraagwe. Le rona jalo, e rile re le bana, ra bo re le batlhanka ba ba mo taolong ya dithata tsa tlhago tsa lefatshe. Mme ya re sebaka se e leng sona se sena go tla, Modimo wa roma Morwaa-ona, a belegwa ke mosadi, a nna fa tlase ga molao gore a rekolole ba ba laolwang ke molao, mme re tle re amogele bongwana. Mme e re ka lo le bana, Modimo o rometse Mowa wa Morwaa-ona mo dipelong tsa rona o o bitsang o re: “Abba, Rara!” Jaanong ga o tlhole o le motlhanka, o ngwana; mme fa o le ngwana, o morua-boswa wa Modimo ka Keresete. Le gale, mo motlheng ole o lo neng lo sa itse Modimo ka ona, lo ne lo direla medimo e e seng yona ka fa tlhagong; mme jaanong, ka lo itse Modimo, ee, bogolo ka lo itsilwe ke Modimo, lo boelelang gape kwa dithateng tsa tlhago tse di bokoa tse di se nang molemo, tse lo ratang go di direla sešwa gape? Lo ilela gape malatsi le dikgwedi le dipaka le dinyaga. Ke a lo boifela e se re gongwe ka bo ke lo itapiseditse lefela. Bakaulengwe, ke a lo rapela, a lo ko lo nne jaaka nna; gonne le nna ke ntse jaaka lona. Ga lo a ka lwa ntshiamololela. Kana lo itse gore e rile ke lo rerela Efangele ga ntlha, ka dira jalo ka bokoa jwa mmele. Mme se se ka bong se lo kgopisitse mo mmeleng wa me, ga lo a ka lwa se nyatsa, le e seng go se kgwa mathe; mme lo ne lwa ntshola jaaka e kete ke moengele wa Modimo, ee, jaaka Keresete Jesu. Go ipela ga lona gore lo sego go kae jaanong? Gonne ke supa ka ga lona gore fa go ne go ka kgonega, lo ka bo lo gontse matlho a lona, lwa a nnaya. A jaanong ke fetogile mmaba wa lona ka go lo bolelela boammaaruri? Batho bao ga ba lo tlhoafalele ka mokgwa o o siameng, mme ba rata go lo kgaoganya le rona gore lo tle lo tlhoafalele bone. Go siame, fa go tlhoafalelwa se se molemo ka gale, e seng fela fa ke le mo go lona. Banaka, ba ke leng mo botlhokong jwa pelego gape ka ntlha ya lona, go ya Keresete a be a bopege mo go lona, ke eletsa gore, nka bo ke le mo go lona jaanong, ka bo ke fetola lentswe la me; gonne ke mo tlalelong ka ntlha ya lona. Mpoleleleng lona ba lo ratang go laolwa ke molao: A ga lo utlwe gore molao o a reng? Kana go kwadilwe ga twe: Aborahame o ne a na le bana ba babedi ba basimane, yo mongwe ka lelata, yo mongwe ka mohumagadi. Yo e leng wa lelata o ne a tsetswe ka fa nameng, mme yo e leng wa mohumagadi ene ka polelelopele. Dilo tseo ke setshwantsho: Kana basadi bao ba kaya dikgolagano di le pedi, nngwe ke ya thaba ya Sinai e e tsalelang botlhanka, e e leng Hagare; gonne thaba ya Sinai mo Arabia e bidiwa Hagare, mme e tshwana le motse wa Jerusalema wa gompieno; ka gonne o mo botlhankeng le bana ba ona. Mme Jerusalema o o kwa godimo ke mohumagadi yo e seng lelata, ke ona mmaarona rotlhe; gonne go kwadilwe ga twe: “Itumele, wena moopa yo o sa belegeng, letsa mogolokwane, wena yo o sa segwang ke leralalo; gonne bana ba yo o esi ba bantsi go feta ba yo o nang le monna.” Mme lona, bakaulengwe, lo bana ba polelelopele jaaka Isaka. Mme le kajeno go ntse jaaka go ne go ntse mo motlheng ole: Yo o tsetsweng ka fa nameng o ne a bogisa yo o tsetsweng ka fa moweng. Mme kana Lokwalo lo a reng? Lo a re: “Leleka lelata le morwaa-lona; gonne morwa lelata ga a nke a tlhakanela boswa le morwa mohumagadi.” Ka moo he, bakaulengwe, ga re bana ba lelata, re ba mohumagadi yo o gololesegileng. Keresete o re gololetse kgololesego; tlhomamang he mo go yona, mme lo se ka lwa golegwa gape ka joko ya botlhanka. Reetsang, nna Paulo ke lo raya ke re: Fa lo ka rupa, Keresete o tla bo a sa lo thuse sepe. Ke bolelela gape motho mongwe le mongwe yo o rupang ke le mosupi gore o tshwanetse go dirafatsa molao otlhe. Lona ba lo ratang go siamisiwa ka molao, lo kgaoganye le Keresete, lo ole mo boitshwarelong. Gonne rona re lebeletse se se solofelwang sa go siamisiwa ka Mowa le ka tumelo. Kana mo go Keresete Jesu go rupa le go sa rupeng ga go thuse, go thusa tumelo fela e e itshupang ka lorato. Lo kile lwa siana sentle. Ke mang yo o lo kgoreleditseng gore lo se utlwe boammaaruri? Tlhotlheletso eo ga e tswe mo go ene yo o lo bitsang. Letlhabego le lennye le bedisa modubo otlhe. Nna ke lo ikanya mo Moreneng gore ga lo nke lo nna le maikutlo a sele; mme motho yo o lo huduang o tla boga petso ya molato wa gagwe, le fa e ka nna mang. Mme nna, bakaulengwe, fa ba re, ke sa ntse ke rera thupiso, ke sa ntse ke bogisediwang? Kana kgopiso ya sefapaano e tla bo e tlositswe. E kete ba ba lo huduang ba ka bo ba ikgaola bonna ka bosi! Lona, bakaulengwe, lo bileditswe kgololesegong; fela a e se nne kgololesego ya nama e e nayang boleo taolo, mme lo direlane ka lorato. Gonne molao otlhe o dirafadiwa ka lefoko le le lengwe fela le le reng: “Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.” Mme fa lo lomana, lo metsana, itiseng gore lo se fetsanye. Mme ka re: Tsamayang ka fa Moweng, foo ga lo ne lo dirafatsa dikeletso tsa nama; gonne nama e eletsa tse di tlhabanang le mowa, le mowa o eletsa tse di tlhabanang le nama; dilo tse, di emelelanye gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang. Mme fa lo gogwa ke mowa, ga lo fa tlase ga molao. Ditiro tsa nama di a bonatsega, e bong tlhalo le boaka le se se maswe le boitaolo le tirelo-medimo e sele le tiriso ya mereo le tlhoano le komano le lefufa le dikgakalo le dikganetsanyo le diphapaano le dikgaogano tsa maitirelo le tsa bopelotshetlha le dipolao le tsa botagwa le mediro ya tlhapelo le tse di ntseng jalo, tse ke di lo bolelelang jaaka nkile ka bua pele ka re: Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba nke ba rua boswa jwa puso ya Modimo. Mme leungo la Mowa lone ke lorato le boitumelo le kagiso le bopelotelele le bopelontle le molemo le boikanyego le bonolo le boitshwaro le bophepa; dilo tse dintseng jalo, molao ga o ganetsanye natso. Kana ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama le dikgotelo le dikeletso. Fa re phela ka Mowa, a re tsamaeng ka Mowa le gona. A re se ka ra batla tlotlo ya boithamako, ra rumolana, ra fufegelana. Ba ga etsho, e re fa motho a tlhagetswe ke molato mongwe ka tshoganyetso, lona ba lo leng ba mowa, siamisang yo o ntseng jalo ka mowa o o bonolo ka go ikgopola gore le wena o se raelwe. Rwadisanyang merwalo, ke gone lo tla bong lo dirafatsa molao wa ga Keresete. Gonne fa motho a itlhoma a le sengwe, etswe a se sepe, o a itsietsa. A mongwe le mongwe a tlhotlhomise tiro ya gagwe, foo o ka nna le tlotlo mo go ene ka esi, mme e seng mo go yo mongwe. Gonne mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe. Yo o rutwang Lefoko a a fe yo o mo rutang kabelo ya dilo tsotlhe tse di molemo. Se tsietsegeng, Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jwalang, e bile ke sona se o tla se robang. Kana yo o jwalelang nama ya gagwe o tla roba tshenyego mo nameng, mme yo o jwalelang Mowa o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo Moweng. A re se lapeng go dira tse di molemo; gonne re tla roba ka sebaka sa teng, fa re sa itsemeletse. Jaanong he, a e re ka re na le sebaka, re direleng botlhe molemo, mme bogolo bone ba e leng ba ga rona ka tumelo. Bonang gore ke lo kwaletse ka ditlhaka tse dikgolo jang ne ka seatla sa me! Botlhe ba ba ratang go kgatlha batho ka tsa nama, bone ba lo pateletsa go rupa, e le fela gore ba se bogisiwe ka ntlha ya sefapaano sa ga Keresete. Le bone ka bosi ba ba rupang ga ba tshegetse molao; mme ba batla gore lona lo rupe, ba tle ba ipoke ka lona. Mme a go nne kgakala le nna go ipoka, fa e se fela ka sefapaano sa Morena wa rona Jesu Keresete, se lefatshe le mpapoletsweng ka sona, le nna ke bapoletswe lefatshe ka sona. Gonne mo go Keresete Jesu go rupa ga se sepe le go sa rupeng ga se sepe; se segolo ke go bopiwa sešwa. A jaanong botlhe ba ba tla phelang ka fa kaelong eo, kagiso le kutlwelo-botlhoko di nne mo go bone ba e leng bone Baiseraele ba Modimo. Jaanong a ke se tlhole ke tshwenngwa ke ope; gonne ke na le dipadi tsa ga Jesu mo mmeleng wa me. Bakaulengwe, a bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le mewa ya lona! Amen. Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo, ke kwalela baitshepi ba kwa Efeso ba ba dumelang mo go Keresete Jesu: A boitshwarelo bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Jesu Keresete Morena! A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tshegofaditseng ka masego otlhe a mowa mo legodimong ka Keresete; jaaka o sa le o re itlhophela ka ene pele, lefatshe le ise le tlholwe, gore re nne boitshepo, re se nyatsege fa pele ga ona, ka o sa le o re tlhomamisa pele ka lorato go nna bana ba ona ka Jesu Keresete ka fa natefelong ya thato ya ona, gore go bokwe kgalalelo ya bopelotlhomogi jwa ona jo o re tlhomogetseng pelo ka jona ka Morwaa-ona yo o ratwang. Re na le kgololo mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo ka fa khumong ya bopelotlhomogi jwa ona, jo o bo re totiseditseng ka botlhale jotlhe le temogo, ka go re itsise bosaitsiweng jwa thato ya ona e o neng o e ikaeletse mo go ene, gore o e dirafatse, fa dipaka di sena go tlala, e bong go kopanya tsotlhe tse di mo legodimong le tse di mo lefatsheng mo go Keresete yo e leng tlhogo. Ee, mo go ene, yo re dirilweng ba ona ka ene, rona ba re tlhomamisitsweng pele ka fa maikaelelong a ona o o dirang tsotlhe ka fa kgakololong ya go rata ga ona gore re nne pako ya kgalalelo ya ona, rona ba re sa leng re solofela Keresete pele. Le lona, e rile lo sena go utlwa Lefoko la boammaaruri, e bong Efangele ya go pholosiwa ga lona le go dumela mo go ene, lwa kanwa mo go ene ka Mowa o o boitshepo o o solofeditsweng, o e leng sebeelelo sa boswa jwa rona, gore go gololwe ba e leng ba ona go boka kgalalelo ya ona. Ka moo le nna, fa ke sa le ke utlwa ka ga go dumela ga lona mo go Morena Jesu le ka fa lo ratang baitshepi botlhe ka teng, ga ke ise ke khutle go leboga ka ntlha ya lona, ke ntse ke lo gopotse mo merapelong ya me gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa kgalalelo, o lo nee Mowa wa botlhale wa tshenolo mo kitsong ya go o itse; o be o lo nee matlho a a sedimogetsweng a dipelo tsa lona, lo tle lo itse gore tsholofelo ya pitso ya ona ke efe, le gore khumo ya kgalalelo ya boswa jwa ona mo baitsheping ke e e ntseng jang, le gore bogolo jo bogolo jwa thata ya ona ke e e ntseng jang ntlheng ya rona ba re dumelang ka fa tirong ya bonatla jwa nonofo ya ona e o dirileng ka yona mo go Keresete ka go mo tsosa mo baswing le ka go mo nnisa fa letsogong le le jang la ona mo legodimong, godimodimo ga puso yotlhe le taolo le thata le borena le leina lengwe le lengwe le le ka bidiwang, e seng fela mo lefatsheng leno, mme le gona mo go le le tlang. O beile tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa naya phuthego ene a le tlhogo e e godimo ga dilo tsotlhe. Phuthego ke mmele wa gagwe e a tletseng mo go yona, a tlatsa tsotlhe mo go botlhe. Le lona o lo tshedisitse ba lo neng lo sule ka ditlolo tsa lona le maleo a lo kileng lwa bo lo tsamaya mo go ona ka fa mokgweng wa lefatshe leno, jaaka mong wa loapi a laola, e bong mowa o le jaanong o dirang mo bathong ba ba sa utlweng, ba le rona rotlhe re kileng ra bo re tsamaya nabo mo dikeletsong tsa nama ya rona, re dira tse di ratwang ke nama le maikutlo, mme re le bana ba bogale ka fa tlhagong fela jaaka ba bangwe. Mme Modimo o o humileng boutlwelo-botlhoko ka ntlha ya lorato lo logolo lwa ona lo o re ratileng ka lone, le fa re ne re sule ka ditlolo, o ne wa re phedisa le Keresete – kana lo pholositswe ka boitshwarelo! – wa re tsosa nae, wa re nnisa nae mo legodimong go nna mo go ene Keresete Jesu, gore mo metlheng e e tlang o tle o bonatse khumo e kgolo mo go fetisang ya boitshwarelo jwa ona mo go rona ka bopelontle jo bo mo go Keresete Jesu; gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo; mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo. Ga se ka ditiro, gore go se nne ope yo o ipokang. Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona. Ka moo lona ba lo kileng lwa bo lo le baheitane ka fa nameng, ba lo bidiwang ba-sa-rupang ke ba ba bidiwang ba borupi jo bo dirwang ka diatla mo nameng, gakologelwang gore mo metlheng eo lo ne lo se na Keresete, lo le kwa ntle ga morafe wa Modimo wa Iseraele, lo le baeng mo dikgolaganong tsa tsholofetso, lo se na tsholofelo epe, lo se na Modimo mo lefatsheng. Mme lona ba lo kileng lwa bo lo le kgakala, lo atameditswe jaanong ka madi a ga Keresete mo go Keresete Jesu. Gonne ke ene kagiso ya rona yo o dirileng gore ba babedi ba nne bongwefela, a ba a phoma lobota lo lo fa gare lwa tomologanyo, e bong letlhoo, a le mo nameng, ka go tlosa molao wa ditaolo tse di beilweng gore a bope motho yo mošwa a le mongwe fela mo go ene ka ba babedi bao, ka go dira kagiso; le gore a ruanye boo babedi le Modimo mo mmeleng o le mongwe fela ka sefapaano ka go bolaya letlhoo ka sona. Mme ya re a tla, a lo rerela kagiso ka Efangele, lona ba lo kgakala, a e rerela le ba ba gaufi; gonne rona ka bobedi jwa rona re na le tsela ya go fitlha ka ena kwa go Rraetsho ka Mowa o le mongwe fela. Jaanong he, ga lo tlhole lo le baeng le bajaki, mme lo ba morafe mmogo le baitshepi, lo ba ntlo ya Modimo, ka lo agilwe mo motheong wa baapostolo le baporofeti o Keresete Jesu ka esi e leng lentswe la sekhutlo la ona, yo kago yotlhe e kopanngwang sentle mo go ene, e ntse e gola go nna tempele e e boitshepo mo Moreneng, yo le lona lo agiwang mo go ene le ba bangwe go nna boago jwa Modimo mo Moweng. Ke ka ntlha ya moo nna Paulo ke le mogolegwi wa ga Keresete ka ntlha ya lona baheitane ke rapelang, fa e le gore lo utlwile ka ga tirelo ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo ke bo neilweng ka ntlha ya lona; gonne ke itsisitswe bosaitsiweng ka ponatshego jaaka ke setse ke kwadile ka mafoko a makhutshwane, a e ka reng fa lo a buisa, lo a lemoga ka ona tlhaloganyo ya me ntlheng ya bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo bo se kang jwa itsisiwe batho mo metlheng ya pele, jaaka jaanong bo senoletswe baapostolo ba ba boitshepo ba gagwe le baporofeti ka Mowa gore baheitane le bona ke barua-boswa nabo, ke ba mmele nabo, ke ba ba tlhakanetseng tsholofetso nabo mo go Keresete Jesu ka Efangele, e ke duleng modiredi wa yona ka fa neong ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo ke bo neilweng ka fa tirong ya thata ya ona. Nna yo ke leng mmotlana mo baitsheping botlhe, ke neilwe bopelotlhomogi joo gore ke rerele baheitane Efangele ya khumo e e sa ka keng ya tlhotlhomisiwa ya ga Keresete, le go sedimosetsa botlhe se e leng tirafatso ya bosaitsiweng jo go tswa tshimologong bo neng bo fitlhegile mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe ka Jesu Keresete, gore botlhale jwa Modimo jwa mefutafuta jaanong bo itsisiwe balaodi le bathata mo legodimong ka phuthego ka fa boikaelelong jo bo se nang tshimologo, jo o bo dirafaditseng mo go Keresete Jesu Morena wa rona yo re nang le bopelokgale le kgololesego ka ena ya go fitlha kwa Modimong ka go dumela mo go ena. Ke ka moo ke rapelang gore lo se ka lwa kgobega marapo ka ditlalelo tse ke leng mo go tsona ka ntlha ya lona, tse e leng tlotlo ya lona. Ke ka ntlha ya moo ke khubamang ka mangole fa pele ga Rra Morena wa rona Jesu Keresete yo borara jotlhe mo legodimong le mo lefatsheng bo bidiwang ka ene, ke rapela gore a lo nee nonofo ya go tia mo mothong yo o kwa teng ka Mowa wa gagwe ka fa khumong ya kgalalelo ya gagwe, gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo, lo nne ba ba medi mo loratong lwa gagwe, ba ba thaegileng mo go lone, gore lo kgone go tlhaloganya le baitshepi botlhe se e leng boatlhamo le boleele le bogodimo le boteng jwa lone, le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso gore lo nne lo tlale go ya go fitlha botlalong jotlhe jwa Modimo. Mme ona o o nonofileng go dira bogolo go feta tsotlhe tse re ka di kopang le tse re ka di gopolang ka fa thateng e e dirang mo go rona, a kgalalelo e nne ya ona mo phuthegong le mo go Keresete Jesu go ya tshikatshikeng tsa bosakhutleng. Amen. Jaanong nna ke le mogolegwi mo Moreneng, ke lo kaela gore lo tsamae ka fa go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yona ka boikokobetso jotlhe le bonolo le bopelotelele le ka go itshokelana mo loratong; lo tlhoafalele go boloka bongwefela jwa Mowa ka kopanyo ya kagiso: Ke mmele o le mongwe fela le Mowa o le mongwe fela, jaaka lo bileditswe mo tsholofelong e le nngwe fela ya go bidiwa ga lona; ke Morena a le mongwe fela le tumelo e le nngwe fela le kolobetso e le nngwe fela; ke Modimo o le mongwe fela, one Rra botlhe; o godimo ga botlhe, o dira ka botlhe, o mo go botlhe. Mme mongwe le mongwe wa rona o neilwe neo ya bopelotlhomogi ka fa selekanyong se Keresete o nayang ka sona. Ke ka moo go tweng: “O ne a tlhatlogela kwa bogodimong, a tshwara batho, a ba isa botshwarong, a naya batho dineo.” Mme fa go twe: “O tlhatlogile,” ke go reng? A ga se go re o ne a fologetse pele kwa mafelong a a kwa tlasetlase a lefatshe? Yo o fologileng e bile ke ene yo o tlhatlogetseng kwa godimo ga magodimo otlhe gore a tlale mo dilong tsotlhe. Ke ene yo o tlhomileng bangwe go nna baapostolo, ba bangwe go nna baporofeti, ba bangwe go nna baefangele, ba bangwe go nna badisa le baruti, gore baitshepi ba etleetsegele tiro ya go direla le kago ya go aga mmele wa ga Keresete go fitlhelela re be re fitlhe rotlhe mo bongwengfela jwa tumelo le jwa go itse Morwa Modimo le go nna monna yo o tletseng go fitlha selekanyong sa bogolo jo bo tletseng jwa ga Keresete gore re se tlhole re nna jaaka bana, re kgokgwediwa jaaka makhubu le go dikolosiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho ka fa boferefereng jwa go re logela maano a timetso, mme e re ka go nna boammaaruri mo loratong re golele mo go ene mo dilong tsotlhe, ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete, yo mmele otlhe o dirafatsang go gola ga ona ka ene, o lomaganngwa le go tshwaraganngwa ka go thusanya ga ditokololo tsotlhe ka fa tirong e e lekanyeng tokololo nngwe le nngwe gore o ikage ka lorato. Jaanong ke bua jaana, e bile ke bolela ke le mosupi mo Moreneng ka re: Lo se tlhole lo tshela jaaka baheitane ba tshela mo boithamakong jwa maikutlo a bone; ba ba fifaditsweng tlhaloganyo, ba le kgakala le botshelo jo bo tswang Modimong ka ntlha ya go sa itseng a bone, ka ntlha ya logwadi lwa dipelo tsa bone, ba e reng ka ba latlhegetswe ke maikutlo a botho, ba ineela mo boitaolong, ba ntse ba dira tse di maswe tsotlhe ka bopelotshetlha. Mme lona, Keresete ga lo a ka lwa mo ithuta jalo, fa ruri lo mo utlwile, mme lo rutegile ka ene, jaaka boammaaruri bo le mo go Jesu, gore lo apole motho yo mogologolo yo o ntseng ka fa tsamaong ya pele, yo o senyegang ka dikeletso tsa tsietso, le gore lo ntšhwafadiwe mo meweng ya maikutlo a lona; mme lo apare motho yo mošwa yo o tlhodilweng ka fa Modimong mo tshiamong le mo boitshepong jwa boammaaruri. Ka moo apolang maaka, mme a mongwe le mongwe a bue boammaaruri le mongwe-ka-ene; ka gonne re direlana re le ditokololo. Galefang, mme lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se phirime, lo ntse lo galefile. Le gona lo se ka lwa naya Diabolo sebaka. Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire matsapa ka go dira se se molemo ka mabogo a gagwe gore a nne le go ka fa yo o tlhokang. A go se tswe lefoko lepe le le maswe mo melomong ya lona; a go tswe fela le le agang ka fa go batlegang ka teng gore le tshegofatse ba ba le utlwang. Se hutsafatseng Mowa o o Boitshepo wa Modimo o lo kanetsweng letsatsi la kgololo ka ona. A bogalaka jotlhe le kgakalo le bogale le komano le kgalo di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe. Mme tsholanang ka bopelontle, lo utlwelane botlhoko, lo itshwarelane jaaka Modimo le ona o lo itshwaretse ka Keresete. Ka moo he, nnang baetsi ba Modimo jaaka bana ba ba rategang, lo tsamae mo loratong jaaka Keresete le ene a lo ratile, a ineela ka ntlha ya rona go dirwa tshupelo le setlhabelo go nna monko o o monate mo Modimong. Boaka le maswe otlhe le fa e le bogagaru di se ka tsa dirwa, le e seng go umakwa mo go lona, gonne ga go a tshwanela baitshepi; le boatla le mafoko a bosilo le fa e le metlae ke tse di sa tshwanelang; mme bogolo lebogang. Gonne moo lo go itse sentle gore ga go ope yo e leng seaka gongwe yo o maswe gongwe yo o megagaru yo o ka nnang le boswa mo pusong ya ga Keresete le Modimo, ka e le modiredi wa medimo e sele. Se tsiediweng ke ope ka mafoko a boithamako; gonne bogale jwa Modimo bo tla mo baneng ba ba sa utlweng ka ntlha ya dilo tseo. Ka moo he, se tlhakaneng nabo! Gonne lo kile lwa bo lo le lefifi, mme jaanong lo lesedi mo Moreneng; tsamayang jaaka bana ba lesedi – gonne leungo la lesedi ke molemo otlhe le tshiamo le boammaaruri – lo tlhotlhomise se se kgatlhang Morena. Lo se ka lwa tlhakanela ditiro tsa lefifi tse di sa ungweng sepe, mme bogolo lo di kgalemele; gonne tse di dirwang ke bone mo sephiring, tota le go di bolela go tlhabisa ditlhong. Mme dilo tsotlhe tse di kgalemelwang ke lesedi di a senoga; gonne sengwe le sengwe se se senolwang se tswela leseding. Ke ka moo go tweng: “Thanya, wena yo o robetseng, o tsoge mo baswing, mme Keresete o tla go sedifatsa.” Tlhokomelang thata he ka fa lo tshelang ka teng, e seng jaaka masilo, mme e nne jaaka matlhale; lo dirise nako ka tshwanelo, gonne malatsi a bosula. Ka moo he, se nneng bosilo, mme tlhaloganyang se e leng go rata ga Morena. Se tagweng ke bojalwa, ka botlhaswa bo tswa mo go jona; mme tlalang Mowa; lo buisanye ka dipesalome le difela tsa pako le dikopelo tsa mowa, lo opelele Morena, lo mo dudueletse ka dipelo tsa lona, lo leboge Modimo Rraetsho ka gale ka ntlha ya tsotlhe mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete, lo ikokobeletsanye ka go boifa Keresete. Lona basadi, ikokobeletseng banna ba e leng ba lona, jaaka lo ikokobeletsa Morena; gonne monna ke tlhogo ya mosadi, jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego, ene yo e leng Mopholosi wa mmele. A basadi ba ikokobeletse banna ba bone mo dilong tsotlhe, jaaka phuthego e ikokobeletsa Keresete. Lona banna, ratang basadi ba lona, jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, a ineela losong ka ntlha ya yona gore a e itshepise, a sena go e itshekisa ka tlhapiso ya metsi ka Lefoko, gore a itlhomele phuthego e e tlotlegang e e se nang sebala, le fa e le matsutsuba, gongwe se sengwe se se ntseng jalo, mme e nne e e boitshepo, e e sa nyatsegeng. Ke ka ntlha ya moo banna ba tshwanetseng go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata. Kana ga go ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe, mme o a o otla, o a o babalela, jaaka Keresete le ene a direla phuthego; gonne re ditokololo tsa mmele wa gagwe, re ba nama ya gagwe, ba marapo a gagwe. “Ke ka ntlha ya moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe, mme ba babedi bao ba tla nna nama e le nngwe fela.” Bosaitsiweng joo ke jo bogolo, mme kana ke raya Keresete le phuthego. Mme jaanong le lona, a mongwe le mongwe a rate mosadi wa gagwe jaaka a ithata; mosadi ene a tlotle monna wa gagwe. Lona bana, utlwang bagolo ba lona mo Moreneng; gonne moo go siame. Taolo ya ntlha e e nang le tsholofetso ke e: “Tlotla rraago le mmaago gore o nne sentle, mme o phele ka boleele mo lefatsheng.” Le lona borra-bana, se rumoleng bana ba lona, mme ba godisetseng mo thutong le mo kaelong ya Morena. Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ba lefatshe ka poifo le ka thoromo le ka bopelophepa, jaaka lo utlwa Keresete, e seng ka go dira fela, fa lo bonwa, jaaka bakgatlhi ba batho ba dira, mme lo dire ka fa thatong ya Modimo ka pelo yotlhe jaaka batlhanka ba ga Keresete; le gona e nne ka boitumelo jaaka ba ba direlang Morena, e seng batho. Lo itse gore mongwe le mongwe, fa a dirile se se molemo, o tla se amogela gape mo Moreneng, le fa e le motlhanka gongwe yo e seng motlhanka. Le lona barena, ba direleng tsona tseo, lo lese go bôpa, ka lo itse gore yo e leng Morena wa bone mo magodimong e bile ke wa lona, mme go gobelelela motho ga go teng mo go ene. Bakaulengwe ba me, ke fetsa ka go re: Thatafalang mo Moreneng le mo thateng ya bonatla jwa gagwe. Aparang tsotlhe tsa tlhabano tsa Modimo gore lo tle lo kgone go emelana le mekgwa ya tsietso ya ga Diabolo; gonne ga re lwantshe madi le nama, mme re lwa le mebuso le bathata le barena ba lefifi la lefatshe leno le mewa e e bosula e e mo mafelong a a kwa godimo. Ka moo, tsayang dibolai tsotlhe tsa Modimo gore lo itse go inamola ka letsatsi le le bosula le go nna lo ntse lo eme, lo sena go fenya tsotlhe. Emang he, lo itlamile matheka ka boammaaruri, lo apere sefemela-sehuba sa tshiamo, le mo dinaong lo rwele iketleetso ya Efangele ya kagiso, lo tshotse thebe ya tumelo bogolobogolo e lo tla kgonang go tima metswi yotlhe e e tshubang ya yo-o-bosula ka yona. Lo be lo tsee futshe ya tshipi ya namolelo, le tšhaka ya Mowa, e bong Lefoko la Modimo; lo ntse lo rapela ka gale ka Mowa ka merapelo yotlhe le ka mekokotlelo, mme lo nne lo thantse ka ntlha ya moo ka tlhomamo yotlhe, lo rapelele baitshepi botlhe; le nna lo nthapeleleng gore e ne e re fa ke tswa molomo, ke newa lefoko la go itsise bosaitsiweng jwa Efangele ka bopelokgale, le gore ke e rere ka bosena-poifo jaaka go ntshwanetse, ke le morongwi wa yona yo o golegilweng. Jaanong Tigiko, mokaulengwe yo o rategang, modiredi yo o ikanyegang wa Morena, o tla lo itsise dilo tsotlhe gore le lona lo itse ka fa ke phelang ka teng, le se ke se dirang. Ke mo rometse koo go lona ka ntlha ya moo gore lo tle lo itse ka fa re ntseng ka teng, le gore a gomotse dipelo tsa lona. A kagiso e nne le bakaulengwe, le lorato le tumelo tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Morena Jesu Keresete! A bopelotlhomogi bo nne le bone botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete mo go sa fetogeng! Amen. Nna Paulo le Timotheo, batlhanka ba ga Keresete Jesu, re kwalela botlhe ba e leng baitshepi ka Keresete Jesu ba kwa Filipi mmogo le balebeledi le badiredi: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete! Ke leboga Modimo wa me ka nako le nako, fa ke lo gopola; thapelo nngwe le nngwe e ke lo rapelelang lotlhe ka yona ka gale ke e dira ka boitumelo ka ntlha ya gore lo abetswe Efangele go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha gompieno. Ke ikanya gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tla e tsweletsa go ya a e fetsa ka letsatsi la ga Keresete Jesu, jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa. Modimo ke mosupi wa me gore ke lo tlhologeletswe lotlhe ka mautlwelo-botlhoko a ga Keresete Jesu. Mme ke rapela gore lorato lwa lona lo nne lo golele pele mo kitsong le mo temogong nngwe le nngwe, le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete, lo nne ba ba tletseng maungo a tshiamo a a leng ka Jesu Keresete go nna tlotlo le poko ya Modimo. Ba ga etsho, ke rata lwa itse gore tse di ntirafaletseng di thusitse thata go tsweletsa Efangele pele, mo go bileng ga senoga mo bafemeding botlhe ba Kaisara le mo go ba bangwe botlhe gore ke golegilwe ka ntlha ya ga Keresete mme bontsi jwa bakaulengwe ba tlala boikanyo mo Moreneng ka kgolego ya ka, ba be ba beta pelo bogolo go pele go bolela Lefoko la Modimo, ba sa boife sepe. Le gale, bangwe ba rera Keresete ka lefufa le kgang, ba bangwe bona ka pelo e ntle. Bano ba dira ka lorato, ka ba itse gore ke beetswe go emela Efangele; mme bale bone ba rera Keresete ka go tsosa kgang, e seng ka bopeloephepa, ka ba ikaeletse go okeletsa kgolego ya me tlhokofatso. Mme tseo di ka dirang? Kana Keresete o rerwa ka mokgwa mongwe le mongwe, le fa e le ka boitimokanyo gongwe ka boammaaruri, mme ke sona se ke se itumelelang, e bile ke tla nna ke itumela; gonne ke itse gore tseo di tla mphetogela pholoso ka thapelo ya lona le ka thuso ya Mowa wa ga Jesu Keresete; ka fa tebelelong e e bogale ya me ke a solofela gore, ga ke ne ke tlhajwa ke ditlhong, mme le jaanong Keresete o tla godisiwa ka mmele wa me jaaka ka gale, ke le pelo e e phuthologileng, le fa e ka nna ka botshelo gongwe ka loso. Gonne mo go nna go phela ke Keresete, go swa ke letlotlo. Mme e re ka go phela mo nameng e le sona se se ungwisang tiro ya me, ruri ga ke itse se nka se itlhophelang. Ke akabadiwa ke dilo tse pedi tse: Ke na le keletso ya go huduga le go nna le Keresete; kana moo go gaisa tsotlhe; mme go sala mo nameng go batlega bogolo ka ntlha ya lona. Mme ka go ikanya jalo ke a itse gore ke tla sala, ke nna le lona lotlhe go lo tsweletsa pele le go lo thabisa tumelong gore go ipoka ga lona ka nna go nne gogolo bogolo mo go Keresete Jesu mogang ke nang le lona gape. Fela tshelang mo phuthegong jaaka go tshwanetse Efangele ya ga Keresete gore le fa nka tla ka lo bona gongwe ke se yo, ke utlwe ka ga lona gore lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo tlhabanela tumelo ya Efangele mmogo ka bongwefela jwa pelo, lo sa tshosiwe ke baganetsi mo go sepe ba kganetso ya bone e leng sesupo sa go latlhega ga bone, mme mo go lona e le sa go phologa, mme e le ka Modimo. Gonne lona lo abetswe go bogisiwa ka ntlha ya ga Keresete, e seng go dumela fela mo go ene, ka lo le mo go yona tlhabano e lo e bonyeng mo go nna, e le jaanong lo e utlwang ka ga me. Jaanong fa go na le kgothatso ka Keresete, fa go na le kgomotso ya lorato, fa go na le kopano ya Mowa, fa go na le lorato lwa pelo le kutlwelo-botlhoko, tlatsang boitumelo jwa me ka go nna le boitlhômô bo le bongwe fela le lorato lo le longwe fela le bongwefela jwa pelo le kgopolo e le nngwe fela. Se direng sepe ka boithatelo, le fa e le ka tlotlo ya boithamako, mme ka boikokobetso yo mongwe a kaye yo mongwe yo mogolo mo go ene. A mongwe le mongwe a se lebe tsa gagwe fela, mme a a lebe le tsa ba bangwe. Boitlhômô jo bo tshwanetseng go nna mo go lona ke jo bo neng bo le mo go Keresete Jesu le ene, yo e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya go tshwana le Modimo jaaka thopo, mme a ikamoga ka go tshola tshwano ya motlhanka, a nna jaaka batho, a fitlhelwa a tshwana le motho ka maitsholo, a ikokobetsa ka go nna yo o utlwang go ya losong, e bong loso lwa sefapaano. Ke ka moo Modimo o mo godisitseng mo go fetang, wa mo naya leina le le fetang leina lengwe le lengwe gore mangole otlhe a khubamele leina la ga Jesu a dilo tse di kwa legodimong le a tse di mo lefatsheng le a tse di kwa tlase ga lefatshe, le loleme longwe le longwe lo ipolele gore Morena ke Jesu Keresete, e le go galaletsa Modimo Rara. Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo; gonne Modimo ke ona o o dirang mo go lona go rata le go dira ka ntlha ya natefelo ya ona. Dirang tsotlhe kwa ntle ga dingongorego le dipelaelo gore lo nne lo se na molato, lo le bopeloephepa le bana ba Modimo ba ba sa nyatsegeng mo gare ga batho ba ba kgopo le tshokamo, ba lona lo phatsimang mo go bone jaaka dinaledi mo lefatsheng; lo ntse lo kgomaretse Lefoko la botshelo go nna poko ya me ka letsatsi la ga Keresete ya gore ga ke a ka ka sianela lefela le e seng go itapisetsa lefela. Mme le fa madi a me a ka tshololwa jaaka tshupelo ya noo ke ntse ke supele Modimo tumelo ya lona le go e o isetsa, ke tla nna ke itumela, ke be ke itumela le lona lotlhe. Mme le lona itumeleng fela jalo, lo itumeleng le nna. Ke solofela mo go Jesu Morena gore ke tla akofa ke lo romela Timotheo gore le nna ke namatshege mo moweng, fa ke sena go utlwa ka fa lo phelang ka teng; gonne ga ke na ope yo o tshwanang nae ka maikutlo, yo o ka lo disang ka nnete, ka gore botlhe ba ipatlela tsa bone, e seng tsa ga Keresete Jesu. Mme go ikanyega ga gagwe lo a go itse, ka a dirile tiro ya Efangele le nna jaaka ngwana a tle a dire le rraagwe. Ke ene yo jaanong ke solofelang go mo roma ka bonakonako, ke sena go bona ka fa kgang ya me e felang ka teng. Mme ke ikanya mo Moreneng gore le nna ke tla akofa ke tla. Le gona ke fitlhetse e le tshwanelo go busetsa Epafrodito kwa go lona, mokaulengwe le mothusi wa me le motlhabani-ka-nna, yo e leng morongwi wa lona le montlamedi ka tse ke di batlang. Gonne o ne a lo tlhologeletswe lotlhe, a tshwenyega thata mo moweng, ka lo ne lo utlwetse bolwetse jwa gagwe. O ne a lwala tota, e bile a le gaufi le go swa. Mme Modimo o mo utlwetse botlhoko, mme e seng ene fela, le nna o nkutlwetse botlhoko gore mahutsana a me a se ka a tla a tlhomaganye. Ke gona ka moo ke mo romileng ka potlako gore e re lo mmona, lo boe lo itumele, le nna ke fokotsegelwe ke bohutsana. Jaanong mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; tlotlang ba ba ntseng jalo. Gonne o ne a le gaufi le go swa ka ntlha ya tiro ya ga Keresete, ka a se ka a rekegela botshelo jwa gagwe gore a ntirele mo lona lo tlhaetseng go ntirela teng. Gape, ba ga etsho, itumeleng mo Moreneng. Go lo kwalela dilo di le dingwe fela, nna ga go ntapise, mme lona go a lo tiisa. Itiseng mo dintšweng, itiseng mo badiring ba ba bosula, itiseng mo go segakweng! Gonne ba ba rupileng tota ke rona ba re direlang Modimo ka Mowa, re ipoka ka Keresete Jesu, re sa ikanye nama, le fa nna ke na le go ka ikanya nama le yona. Fa yo mongwe a re a ka ikanya nama, nna ke a mo gaisa: Ke rupile ka letsatsi la borobedi, ke wa losika lwa ga Iseraele, wa lotso lwa ga Benyamene, ke Mohebere wa Bahebere, ke Mofarisai ka fa molaong; ka fa tlhoafalong ke ne ke le mmogisi wa phuthego, ka fa tshiamong e e leng ka molao ke sa nyatsege. Mme tse e neng e le khumo mo go nna ke di kaile tshenyegelo ka ntlha ya ga Keresete. Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete, ke be ke fitlhelwe mo go ene, ke se na tshiamo ya me e e tswang mo molaong, mme e le e e bonwang ka go dumela mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo ya go itse ene le thata ya tsogo ya gagwe le go kopana nae mo dipogong tsa gagwe ka go dirwa yo o tshwanang le loso lwa gagwe, e tle e re gongwe ke fitlhe mo tsogong ya baswi. Ga se go re ke setse ke tshwere, gongwe ke setse ke le botlalo; mme ke ntse ke bo tabogela gore motlhamongwe ke bo tshware, ka le nna ke tshwerwe ke Keresete Jesu. Ba ga etsho, nna ga ke ikaye gore ke setse ke tshwere; mme selo se le sengwe ke a se dira ke se: Ke lebala dilo tse di kwa morago, ke gagamalela tse di kwa pele. Ke sianela bokhutlong jwa tshiano, ke tabogela sekgele sa pitso ya legodimo ya Modimo mo go Keresete Jesu. Jaanong rona rotlhe ba re tletseng, a re nneng le kgopolo e e ntseng jalo; mme fa lo ka akanya sengwe ka go sele, le sona Modimo o tla se lo senolela. Mme fela, a re tsamaeng mo go sone se re setseng re fitlhile mo go sone; re nne mo kutlwanong. Ba ga etsho, nnang baetsi ba ka lotlhe, lo ele ba ba tsamayang jalo tlhoko, jaaka re le sekao sa lona; gonne ba bantsi ba ke lo boleletseng gantsi ka ga bone, mme jaanong ke bile ke lo bolelela ka selelo gore ba tshela e le baba ba sefapaano sa ga Keresete. Bokhutlo jwa bone ke tatlhego, modimo wa bone ke mpa, tlotlo ya bone ke ditlhong tsa bone; ba gopola tsa lefatshe fela. Mme rona legae la rona le kwa magodimong, re bile re lebeletse Mopholosi go boa teng, e bong Morena Jesu Keresete, yo o tla fetolang mebele e e seng ya sepe ya rona gore e tshwane le mmele wa gagwe wa kgalalelo ka fa thateng e a nonofileng go ka tsenya tsotlhe mo taolong ya gagwe ka yona. Ka moo he, emang jalo mo Moreneng ka tlhomamo, lona bakaulengwe ba ka ba ba rategang, ba ke lo tlhologeletsweng, ba lo leng boitumelo jwa ka le serwalo sa ka, lona baratwi. Ke kaela Eodia, le Sintige ke a mo kaela gore ba utlwane mo Moreneng. Ee, le wena, molekane wa me wa nnete mo tirong, ke a go rapela ka re, ba thuse, basadi bao, ba ba nthusitseng mo tlhabanelong ya Efangele, ba na le Klemense le badiri-ka-nna ba bangwe ba maina a bone a leng mo Lokwalong lwa Bophelo. Itumeleng mo Moreneng ka gale, ke a boela ka re, itumeleng! A bopelontle jwa lona bo itsiwe ke batho botlhe. Morena o gaufi. Se tshwenyegeleng sepe, mme a ka metlha tse lo di tlhokang di itsisiwe Modimo ka thapelo le kopo, di na le tebogo. Mme kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e tla boloka dipelo tsa lona le maikutlo a lona mo go Keresete Jesu. Ba ga etsho, ke fetsa ka go re: Tsotlhe tsa boammaaruri le tsotlhe tsa tlotlego le tsotlhe tsa tshiamo le tsotlhe tsa boitsheko le tsotlhe tsa lorato le tsotlhe tse di tumo e ntle le tse di ka nnang teng tsa maatlametlo gongwe tsa poko, di akanyeng. Tse lo di ithutileng, lwa di amogela, lwa di utlwa, lwa di bona le mo go nna, lo di dire, mme Modimo wa kagiso o tla nna le lona. Ke itumetse thata mo Moreneng, ka jaanong lo tiile gape go ka gopola go ntlamela; le gale lo ne lo ntse lo nkgopola, mme lo sa bone phatlha. Ga ke bue jalo ka ntlha ya go tlhoka; gonne ke ithutile go itumelela tse ke leng mo go tsona. Lehuma ke a le itse, le letlotlo ke a le itse; ke itse dilo tsotlhe, le fa e le go kgora gongwe go bolawa ke tlala, le fa e le go atlanegelwa gongwe go tlhoka. Tsotlhe ke di kgona ka ene yo o nthatafatsang, e bong Keresete. Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo tlhakanetse tlalelo le nna. Kana le lona Bafilipi lo itse gore mo tshimologong ya Efangele, e rile ke sena go tloga kwa Maketonia, ga se ka ga nna phuthego epe e e neng ya tlhakanela lenaneo la me la madi le nna ntlheng ya go ntsha le go amogela fa e se lona lo le losi fela. Gonne e rile ke le kwa Thesalonika, le teng lwa romela gangwe le gape tse ke neng ke di tlhoka. Ga se go re ke batla neo, mme ke batla leungo le le tla lo atelang mo lenaneong la lona. Ke amogetse tsotlhe, ke na le letlotlo, di ntlaletse, ke amogetse tse di tswang koo go lona mo go Epafrodito, tse e leng lonko lo lo nkgang monate le tshupelo e e natefelang e e kgatlhang Modimo. Mme Modimo wa me o tla lo abela tsotlhe tse lo di tlhokang ka fa khumong ya ona mo kgalalelong e e mo go Keresete Jesu. A kgalalelo e nne ya Modimo Rraetsho go ya bosakhutleng jotlhe! Amen. Dumedisang moitshepi mongwe le mongwe mo go Keresete Jesu. Bakaulengwe ba ba nang le nna ba a lo dumedisa. Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa, bogolo bone ba ntlo ya Kaisara. Bopelotlhomogi jwa Morena Jesu Keresete a bo nne le mewa ya lona! Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka thato ya Modimo, le Timotheo mokaulengwe, re kwalela baitshepi ba kwa Kolose, e bong bakaulengwe ba ba dumelang mo go Keresete: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete! Re leboga Modimo, Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka gale, fa re lo rapelela, ka re utlwile ka ga tumelo ya lona ya go dumela mo go Keresete Jesu, le ka ga lorato lo lo ratang baitshepi botlhe ka lone, ka ntlha ya tsholofelo ya se lo se beetsweng mo magodimong, se lo setseng lo utlwile ka ga sona ka Lefoko la boammaaruri la Efangele le le tsileng go lona, fela jaaka le tsile mo lefatsheng lotlhe, le ungwa le gola jaaka le dirile le mo go lona go tloga ka letsatsi le lo utlwileng ka lone, lwa lemoga bopelotlhomogi jwa Modimo ka nnete, jaaka lo ithutile mo go Epafera, motlhanka-ka-rona yo o rategang, yo e leng modiredi yo o boikanyo wa ga Keresete mo go lona, yo e bileng a re begetse lorato lwa lona lo lo tswang mo Moweng. Ke gona ka moo le rona, e sa le ka letsatsi le re utlwileng ka lone, re sa khutleng go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe kitso ya thato ya ona ka botlhale jotlhe le temogo tse di tswang mo Moweng, gore lo tshele ka fa go tshwanetseng Morena ka teng go mo kgatlha gotlhe, lo ungwe tiro nngwe le nngwe e e molemo, lo gole mo kitsong ya Modimo, lo thatafadiwe ka thata yotlhe ka fa thateng ya kgalalelo ya ona gore lo be lo nne le tshwarelelo yotlhe le bopelotelele; lo leboge Rara ka boitumelo yo o re nonotshitseng go nna le kabelo mo bosweng jwa baitshepi mo leseding, a re golola mo thateng ya lefifi, a re tsenya mo pusong ya Morwaa-ona wa lorato yo re nang le kgololo mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa dibe. Ke ene setshwano sa Modimo o o sa bonweng, yo o tsetsweng pele ga tlholego yotlhe; gonne dilo tsotlhe tse di mo legodimong le mo lefatsheng, tse di bonwang le tse di sa bonweng, di tlhodilwe ka ene, le fa e ka nna ditulo tsa bogosi gongwe magosi gongwe balaodi gongwe mebuso, tsotlhe di tlhodilwe ka ene, di bile di tlholetswe ene. Ene o sa le a nna teng pele ga tsotlhe, e bile tsotlhe di tlhomame ka ene. Ke ene tlhogo ya mmele o e leng phuthego, ene yo e leng tshimologo le motsalwapele go tswa mo baswing gore a nne le boemo jo bo kwa pele mo go tsotlhe. Gonne go ne go kgatlha Modimo gore botlalo jotlhe bo nne mo go ene, le gore tsotlhe tse di mo lefatsheng le tse di kwa magodimong di ruanngwe le ona ka ene ka go dira kagiso ka ene ka madi a sefapaano sa gagwe. Le lona ba e rileng pele lwa bo lo le baeng le baba ka go tlhalefela ditiro tse di bosula, jaanong Jesu o lo ruantse ka loso a le mo mmeleng wa gagwe wa nama gore a lo emise fa pele ga ona, lo le boitshepo, lo se na molato, lo sa nyatsege; fa tota lo ka nna mo tumelong, lo theilwe, lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Efangele e lo e utlwileng, e e reretsweng lobopo lotlhe lo lo fa tlase ga letsatsi, e nna Paulo ke dirilweng modiredi wa yona. Jaanong ke itumela mo dipogong tse ke di lo bogelang, ke tlatsa ka nama ya me dipitlagano tsa ga Keresete fa di tlhaelang teng, ke direla mmele wa gagwe o e leng phuthego e ke diregileng modiredi wa yona ka fa tirong ya Modimo ya go pholosa batho e ke e neilweng go dirafatsa Lefoko la Modimo mo go lona, e bong bosaitsiweng jo bo ntseng bo fitlhegile go tswa metlheng ya bogologolo le ditshikeng tsa bogologolo, mme jaanong bo senoletswe baitshepi ba ona ba Modimo o ratileng go ba itsise se e leng lohumo lwa kgalalelo ya bosaitsiweng joo mo baheitaneng, lo e leng Keresete mo go lona, yo e leng tsholofelo ya kgalalelo. Ke ene yo re mo rerang ka go kgothatsa le go ruta motho mongwe le mongwe ka botlhale jotlhe gore re emise motho mongwe le mongwe a tletse mo go Keresete. Ke sona se ke se itapisetsang, ke se lwela ka fa thateng ya gagwe e e dirang mo go nna ka nonofo. Ke rata gore lo itse ntwa e e kanakana e ke e lwelang lona le ba kwa Laodikea le botlhe ba ba iseng ba mpone sefatlhego, gore dipelo tsa bone di gomotsege ka go kopanngwa mo loratong, ba hume tlhaloganyo e e tletseng, ba tle ba tlhaloganye bosaitsiweng jwa Modimo, e bong jwa ga Keresete yo mahumo otlhe a botlhale le a kitso a fitlhegileng mo go ene. Ke bua tseo gore go se nne ope yo o lo tsietsang ka dipuo tse di borethe. Gonne le fa ke se yo ka mmele, ka mowa ke na le lona, ke itumelela go bona thulaganyo ya lona le tlhomamo ya go dumela ga lona mo go Keresete. Jaanong tsamayang mo go Keresete Jesu Morena jaaka lo mo amogetse. Lo nne ba ba namileng medi, lo agiwe mo go ene, lo tiisiwe mo tumelong ka fa lo rutilweng ka teng, lo penologe tebogo. Itiseng gore go se nne ope yo o lo ithopelang ka thuto ya botlhale le ka tsietso ya boithamako ka fa melawaneng ya batho, ka fa dithateng tsa tlhago tsa lefatshe, mme e seng ka fa go Keresete. Gonne botlalo jotlhe jwa Bodimo bo agile mo go ene ka sebele. Mme lona lo dirilwe ba botlalo mo go ene yo e leng tlhogo ya balaodi botlhe le mebuso yotlhe. Le gona lo rupile mo go ene ka thupiso e e sa dirweng ka diatla, ka go apola mmele wa nama e e boleo, ka thupiso ya ga Keresete, ka lo fitlhilwe nae ka kolobetso. Lo bile lo tsositswe nae ka go dumela mo thateng ya Modimo o o mo tsositseng mo baswing. Le lona ba lo neng lo sule ka ditlolo le ka go-sa-rupang ga nama ya lona, o lo phedisitse nae, wa re itshwarela ditlolo tsotlhe, wa phimola lokwalo lo lo re bayang molato lo lo neng lo emelanye le rona ka melao, wa lo tlosa fa gare ka go lo kokotela mo sefapaanong, wa apola babusi le balaodi, wa ba supa mo ponatshegong, wa tlhaba kôma ka bone mo go ene. Mme jaanong a go se nne ope yo o lo sekisang ka ntlha ya dijo gongwe dino, le e seng ka ntlha ya sengwe sa moletlo gongwe sa ngwedi o o rogilweng gongwe sa boSabata, tse e leng moriti wa dilo tse di tlang, mme tsone tota ke tsa ga Keresete. A go se nne ope yo o phamolang sekgele mo go lona ka go kgatlhwa ke boikokobetso le kobamelo ya baengele, a ikgantsha ka tse o di bonyeng, a budulosiwa ke tlhaloganyo ya nama ya gagwe kwa ntle ga lebaka, mme a sa itshwarelele ka yo e leng tlhogo, yo mmele otlhe o golang ka ene, o godisiwa ke Modimo ka go thusiwa le go tshwaraganngwa ke malokololo le mesifa. Mme fa ka go swa le Keresete lo golotswe mo dithateng tsa tlhago tsa lefatshe, lo iteseleletsang go laolwa ke melaonyana jaaka e kete lo sa ntse lo phela mo lefatsheng? Ga twe: “O se ka wa tshwara ka letsogo; o se ka wa utlwa ka loleme; o se ka wa ama!” Kana tsotlhe tseo di na le go senyega ka go dirisiwa ka fa ditaelong le dithutong tsa batho. Dilo tseo ke tse ba reng ke tsa botlhale ka tirelo-Modimo ya boithatelo, le ka boikokobetso le ka go sa rekegeleng mmele; mme ga di molemo ka gope, fa e se go kgorisa nama fela. Fa jaanong lo tsositswe le Keresete, batlang he tse di kwa godimo, kwa Keresete a leng teng, a ntse ka fa letsogong le le jang la Modimo. Gopolang dilo tse di kwa godimo, e seng tse di mo lefatsheng; gonne lo sule, mme botshelo jwa lona bo fitlhegile le Keresete mo Modimong. E tla re Keresete yo e leng botshelo jwa rona a bonala, foo le lona lo bonale nae mo kgalalelong. Jaanong he bolayang ditokololo tsa lona tsa lefatshe, e bong boaka le maswe le go fisiwa ke keletso le kgatlhego e e bosula le megagaru e e leng go direla medimo e sele, tse bogale jwa Modimo bo tlang mo baneng ba ba sa utlweng ka ntlha ya tsona. Le lona lo kile lwa tsamaya mo go tsona, jale fa lo sa ntse lo tshela mo go tsona. Mme jaanong le lona, latlhang tsotlhe tseo, e bong bogale le kgakalo le bosula le kgalo; mme dipuo tsa ditlhong di se tlhole di tswa mo melomong ya lona. Se aketsanyeng, ka lo apotse motho yo mogologolo le ditiro tsa gagwe, mme lo apere motho yo mošwa yo o ntšhwafalediwang kitso ka fa setshwanong sa ona o o mo tlhodileng, fa go sa tlholeng go farologanngwa Mogerika le Mojuta, go rupa le go-sa-rupang, lekgalagadi le Mosekhithe, lekgoba le mogololesegi, mme Keresete e le bojotlhe, a bile a le mo go botlhe. Jaanong he, lona ba lo leng batlhaolwi ba Modimo, le baitshepi le barategi, aparang kutlwelo-botlhoko ya pelo le bopelontle le boikokobetso le bonolo le bopelotelele; lo itshokelane, lo itshwarelane fa mongwe a ledisiwa ke molato wa yo mongwe; itshwareleng jaaka Morena le ene a lo itshwaretse. Mo godimo ga tsotlhe tseo lo apare lorato lo e leng sebofo sa botlalo. A kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona e lo e bileditsweng mo mmeleng o le mongwe fela, mme lo nne ba ba lebogang. A Lefoko la ga Keresete le age mo go lona segolo ka botlhale jotlhe, lo rutane, lo kgothatsanye ka dipesalome le difela tsa pako le dikopelo tsa mowa, lo opelele Modimo ka tebogo mo dipelong tsa lona. Mme le fa e le eng se lo se dirang ka puo gongwe ka tiro, dirang tsotlhe mo leineng la Morena Jesu, lo ntse lo leboga Modimo Rara ka ene. Lona basadi, ikokobeletseng banna ba lona, jaaka go tshwanetse mo Moreneng. Lona banna, ratang basadi ba lona, mme lo se ka lwa ba gakalela. Lona bana, utlwang bagolo mo dilong tsotlhe; gonne moo go kgatlha Morena. Lona borra-bana, lo se tshwenye bana ba lona, gore ba se kgobege marapo. Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ka fa nameng mo dilong tsotlhe, e seng ka go ba direla matlhong jaaka ba ba kgatlhang batho, mme a e nne ka bopelophepa ka go boifa Morena. Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka pelo yotlhe, jaaka e le go direla Morena, e seng batho, ka lo itse gore lo tla amogela boswa mo Moreneng e le tuelo. Kana lo direla Morena Keresete. Gonne yo o dirang tshiamololo o tla busediwa tshiamololo e a e dirileng, mme go gobelelela motho ga go teng mo Modimong. Lona beng ba batho, nayang batlhanka ba lona se se siameng, se se ba tshwanetseng, ka lo itse gore le lona lo na le Morena mo legodimong. Tswelelang mo thapelong, lo nne lo thantse mo go yona ka tebogo. Le rona lo nne lo re rapelele gore Modimo o re bulele lobati lwa Lefoko gore re bolele bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo e bileng ke bo golegetswe, gore ke tle ke bo senole, jaaka go ntshwanetse go bua. Tsamayang ka botlhale fa pele ga bone ba ba kwa ntle, lo sole sebaka molemo. A ka metlha yotlhe mafoko a lona e nne a bopelontle, a a lokilweng ka letswai, gore lo itse ka fa lo tshwanetseng go araba mongwe le mongwe ka teng. Tsotlhe tsa botshelo jwa me lo tla di itsisiwe ke Tigiko, mokaulengwe yo o rategang, modiredi yo o boikanyo, motlhanka-ka-nna mo Moreneng, yo ke mo rometseng koo go lona ka ntlha ya moo gore lo itse ka fa re tshelang ka teng, mme a gomotse dipelo tsa lona, a na le Onesimo, mokaulengwe yo o boikanyo yo o rategang, yo e leng mongwe wa ga lona; ba tla lo itsise tsotlhe tsa mono. Aristarego, mogolegwi-ka-nna, o a lo dumedisa, le Mareko, ntsalaa Baranaba – yo lo amogetseng ditaetso ka ga gagwe. E re fa a ka tla koo go lona, lo mo tshole – le Jesu yo o bidiwang Juseto. Ba thupiso ke bone fela ba e leng badiri-ka-nna mo pusong ya Modimo; ba diregile kgomotso ya me. Epafera o a lo dumedisa, yo e leng wa ga lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, yo o ntseng a lo tlhabanela ka gale ka merapelo ya gore lo eme mo thatong yotlhe ya Modimo ka botlalo le ka tlhomamo; gonne ke supa ka ga gagwe gore o itapisa thata ka ntlha ya lona le ka ntlha ya bone ba kwa Laodikea le ba kwa Hierapoli. Luka, ngaka e e rategang, le Demase ba a lo dumedisa. Dumedisang bakaulengwe ba kwa Laodikea, le ene Nimfa le phuthego ya ntlo ya gagwe. E re fa lokwalo loo lo sena go buisiwa mo go lona, dirang gore lo buisiwe le mo phuthegong ya Laodikea, mme le lona lo buise lwa Laodikea. Rayang Aregipo lo re: “Tlhokomela tirelo e o e amogetseng mo Moreneng, o e dirafatse.” Tumediso ya me, ke le Paulo ke eo, ke e kwadile ka letsogo la me. Gopolang kgolego ya me. A bopelotlhomogi bo nne le lona! Amen. Nna Paulo le Silefano le Timotheo re kwalela phuthego ya Thesalonika e e mo go Modimo Rara le mo go Morena Jesu Keresete: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete! Re leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona lotlhe, re ntse re lo gopola mo merapelong ya rona. Ga re khutle go gopola tiro ya lona ya tumelo fa pele ga Modimo Rraetsho le matsapa a lona a lorato le tshwarelelo ya lona ya go solofela mo go Morena wa rona Jesu Keresete, ka re itse go tlhaolwa ga lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Modimo; gonne Efangele ya rona ga e a ka ya tla koo go lona ka mafoko fela, mme e tsile le ka thata le ka Mowa o o Boitshepo le ka tlhomamo e kgolo, jaaka lo itse ka fa re neng re le mo go lona ka teng ka ntlha ya lona. Mme lo ne lwa nna baetsi ba rona le ba Morena, lwa amogela Lefoko mo pitlaganong e kgolo ka boitumelo jo bo tswang mo Moweng o o Boitshepo, mo lo bileng lwa nna sekao sa badumedi botlhe koo Maketonia le mono Agaya. Gonne Lefoko la Morena le dule mo go lona, la dumela pele, e seng koo Maketonia le mono Agaya fela, mme go dumela ga lona mo Modimong go utlwetse kwa mafelong otlhe, mo go bileng go sa batlege mo go rona go bua ka ga tsona. Gonne bone ka bosi ba bolela ka ga rona ka fa re neng ra amogelega sentle koo go lona ka teng, le ka fa lo neng lwa tlhabologela Modimong ka teng, lwa bakela medimo ya diseto go direla Modimo o o tshelang wa nnete, le go lebelela Morwaa-ona go boa kwa magodimong, yo o mo tsositseng mo baswing, e bong Jesu yo o re falodisang mo bogaleng jo bo tlang. Bakaulengwe, lo itse ka losi gore go tsena ga rona mo go lona go ne go se lefela. Mme le fa re ne ra bogisiwa, ra direlwa tse di botlhoko pele kwa Filipi, jaaka lo itse, re ne ra nna pelokgale ka Modimo wa rona go bua Efangele ya Modimo mo go lona re le mo kganetsanyong e kgolo. Gonne thero ya rona ga e tswe mo timelong le e seng mo boitshekologong le e seng mo boferefereng, mme re bua ka fa re kailweng ke Modimo ka teng re le ba ba ikanyegang go ka neelwa Efangele; ga re bue jaaka ba ba kgatlhang batho, mme e le go kgatlha Modimo o o tlhotlhomisang dipelo tsa rona. Gonne ga re ise re ke re bue mafoko a a tlakisang jaaka lo itse, le e seng ka maano a megagaru – Modimo ke mosupi – le e seng go batla tlotlo mo bathong, le fa e ka nna mo go lona gongwe mo go ba bangwe. Re ne re ka nna ra lo rwesa morwalo re le baapostolo ba ga Keresete, mme re ne ra nna bopelontle mo gare ga lona jaaka moamusi a fara bana ba gagwe. Re ne ra ratanngwa jalo, ra rata go lo abela le matshelo a rona, e seng Efangele ya Modimo fela; gonne lo ne lo diregile baratwi ba rona. Bakaulengwe, kana lo gakologelwa matsapa a rona le tapisego; re lo reretse Efangele ya Modimo re ntse re dira bosigo le motshegare gore re se imetse ope wa lona. Lo basupi, le Modimo ke mosupi ka fa re neng re itshotse ka teng ka boitshepo le ka tshiamo le ka go se na molato mo go lona ba lo dumelang, jaaka lo itse ka fa re neng re lo laya ka teng, mongwe le mongwe wa lona a le esi jaaka rra-bana a laya bana ba gagwe, re lo kgothatsa, re lo tiisetsa gore lo sepele ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo o o lo bileditseng pusong le kgalalelong ya ona. Ke ka moo le rona re sa khutleng go leboga Modimo ka ntlha ya gore e rile lo amogela Lefoko la Modimo le lo le utlwileng mo go rona, lwa se ka lwa le tshola jaaka lefoko la batho, mme lwa le tshola e le Lefoko la Modimo tota le le bileng le dira mo go lona ba lo dumelang. Gonne lona, bakaulengwe, lo ne lwa nna balatedi ba diphuthego tsa Modimo tsa kwa Jutea tse di leng mo go Keresete Jesu, ka le lona lo ne lwa bogisiwa ke ba ga lona ka tse le bone ba bogisitsweng ke Bajuta ka tsona, ba e bileng ba bolaile Morena Jesu le baporofeti, le rona ba re leleka, ba bo ba sa kgatlhe Modimo, ba le kgatlhanong le batho botlhe; ba re kgoreletsa go rerela baheitane gore ba tle ba pholosiwe, e le gore ba tle ba tlatse seelo sa maleo a bone ka gale. Mme bogale jwa Modimo bo setse bo tsile mo go bone go ba isa tatlhegong. Bakaulengwe, rona ba re neng re kgaogantswe le lona ka bokhutshwanyane ka difatlhego, e seng ka dipelo, re tlhoafaletse thata go bona difatlhego tsa lona ka tlhologelelo e kgolo. Ke gona ka moo re ratileng go tla koo go lona, nna Paulo gangwe le gape, mme Satane a re kgoreletsa. Kana tsholofelo ya rona gongwe boitumelo jwa rona gongwe serwalo sa tlotlo sa rona ke mang? A ga se le lona fa pele ga Jesu Morena wa rona mo go tleng ga gagwe? Ee, ke lona kgalalelo ya rona le boitumelo jwa rona. Ka moo e rile re sa tlhole re kgona go itshoka, ra utlwanela go sala mo Athene re le rosi, mme ra roma Timotheo mokaulengwe wa rona, modiredi wa Modimo, modiri-ka-rona mo Efangeleng ya ga Keresete, gore a lo tiise le go lo kgothatsa mo tumelong ya lona gore go se nne ope yo o tshikinngwang ka dipitlagano tseno; gonne lo itse ka losi gore re di beetswe. Gonne e rile re sa ntse re na le lona, ra lo bolelela pele gore re tla pitlaganngwa, fela jaaka go dirafetse, e bile lo a itse. Jaanong ya re ke palelwa ke go tlhola ke itshoka, ka roma motho ka ntlha ya moo gore ke tle ke itse tumelo ya lona, e se re gongwe moraedi a bo a lo raetse, mme tiro ya rona ya nna lefela. Mme jaanong Timotheo o bile a tla, a tswa koo go lona, a re tsholetse mafoko a a itumedisang ka ga tumelo ya lona le lorato lwa lona le a gore lo ntse lo re gopola ka molemo, lo tlhologeletswe go re bona jaaka le rona re tlhologeletswe go bona lona; ka moo bakaulengwe, re gomotsegile ka ga lona ka tumelo ya lona mo tlalelong yotlhe ya rona le mo pitlaganong ya rona; gonne jaanong re a phela, fa lona lo eme ka tlhomamo mo Moreneng. Mme re ka leboga Modimo ka eng ka ntlha ya lona, ra lebogela boitumelo jotlhe jo re lo itumeletseng ka jona fa pele ga Modimo wa rona? Re ntse re rapela thata thata bosigo le motshegare gore re bone difatlhego tsa lona le go tlatsa tse di tlhaelang mo tumelong ya lona. Mme a Modimo Rraetsho ka esi le Jesu, Morena wa rona, a re siamisetse tsela ya go tla koo go lona. A Morena a lo godise, a ba a lo totise loratong lwa go ratana le lwa go rata botlhe jaaka le rona re lo rata, gore dipelo tsa lona di tiisiwe, di se nne molato, di nne mo boitshepong fa pele ga Modimo Rraarona, mogang Jesu, Morena wa rona, a tlang gape le baitshepi botlhe ba gagwe. Bakaulengwe, jaanong re tswelela ka go lo rapela le go lo kaela ka Morena Jesu gore lo nne lo tote bogolo thata, jaaka lo ithutile mo go rona ka fa lo tshwanetseng go tsamaya le go kgatlha Modimo ka teng, jaaka lo setse lo sepela. Kana lo itse ditaolo tse re di lo neetseng ka Morena Jesu; gonne se Modimo o se batlang ke boitshepiso jwa lona gore lo tile boaka, gore mongwe le mongwe wa lona a itse go nyala mosadi ka boitshepo le tlotlo, e seng ka go fenngwa ke keletso, jaaka baheitane ba ba sa itseng Modimo. A go se nne ope yo o patikang mokaulengwe wa gagwe, le e seng go mo tsietsa mo thekisanyong; gonne Morena ke mmusolosi mo dilong tsotlhe tseo, jaaka re kile ra lo bolelela, ra lo tlhomamisetsa. Gonne Modimo ga o a re biletsa boitshekologong, o re bileditse boitshepisong. Jalo he, yo o nyatsang ga a nyatse motho, mme o nyatsa Modimo o o lo neileng Mowa o o Boitshepo wa ona. Ka ga go ratana ga bakaulengwe ga go batlege mo go lona gore ke lo kwalele; gonne lona ka losi lo rutilwe ke Modimo go ratana; kana lo bile lo direla bakaulengwe botlhe jalo ba ba koo Maketonia yotlhe. Mme bakaulengwe, re lo kaela gore lo nne lo tote bogolo thata, lo itlotle ka go tshela ka boiketlo le go dira tsa lona le go sebetsa ka diatla tsa lona jaaka re lo laetse gore lo tsamae ka tlotlego mo go bone ba ba kwa ntle, mme lo se tlhoke sepe sa bone. Bakaulengwe, ga re rate gore lo tlhoke go itse ka ga bone ba ba robetseng, gore lo se hutsafale jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo; gonne fa re dumela gore Jesu o ne a swa, a ba a tsoga, le bone ba ba swetseng mo go Jesu, Modimo o tla ba isa nae. Gonne se re se lo bolelelang ka Lefoko la Morena ke se: Rona ba re phelang, ba re salelang go tla ga Morena, ga re kitla re raka ba ba robetseng. Gonne Morena ka esi o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi le ka lentswe la moengele yo mogolo le ka phala ya Modimo, mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tla tsoga pele. Morago ga moo rona ba re setseng re sa ntse re tshela re tla tsholelediwa kwa loaping ka maru mmogo le bone go ya go kgatlhantsha Morena. Mme jalo re tla nna le Morena ka gale. Gomotsanyang he ka mafoko ao. Jaanong, bakaulengwe, ga go batlege gore lo kwalelwe ka ga dipaka le dinako; gonne lona ka losi lo itse sentle gore letsatsi la Morena le tla tla fela jaaka legodu bosigo. Gonne e tla re go twe: “Go kagiso le polokego!” ke gona tshenyego e tla ba welang ka tshoganyetso, jaaka ditlhabi di wela mosadi yo moimana, mme ga ba kitla ba falola. Mme lona, bakaulengwe, ga lo mo lefifing, mo letsatsi leo le ka lo welang jaaka legodu. Nnyaya, lona lotlhe lo bana ba lesedi le bana ba letsatsi; ga re ba bosigo le e seng ba lefifi. Ka moo he a re se robaleng jaaka ba bangwe, mme a re nneng re thantse, re nne tekano; gonne ba ba robetseng ba robetse bosigo, le ba ba tagilweng ba tagilwe bosigo. Mme rona ba re leng ba letsatsi, a re nneng tekano, re apere sefemela-sehuba sa tumelo le sa lorato, le tsholofelo ya phologo go nna kuane ya phemelo. Gonne Modimo ga o a re beela bogale, mme o re beetse go bona phologo ka Morena wa rona Jesu Keresete yo o re swetseng gore le fa re tsogile gongwe re robetse, re phele mmogo nae. Ka moo gomotsanyang lo agane jaaka lo ntse lo dira. Mme, bakaulengwe, re lo rapela gore lo tlotle bone ba ba itapisang ka lona, ba ba lo okameng mo Moreneng, ba ba lo layang, lo ba kaye segolo bogolo ka lorato ka ntlha ya tiro ya bone. Agisanyang nabo. Bakaulengwe, re lo kaela re re: Kgalemelang ba ba bofafalele, nametsang ba ba nyemang moko, tlhokomelang ba ba bokoa, lo nne pelotelele le botlhe. Tlhokomelang gore go se nne ope yo o busetsang yo mongwe bosula ka bosula, mme tlhoafalang ka gale go direlana molemo le go o direla botlhe. Itumeleng ka gale. Se khutleng go rapela. Lebogang mo dilong tsotlhe; gonne moo ke thato ya Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona. Se timeng Mowa. Se nyatseng dithuto tsa Lefoko la Modimo. Tlhotlhomisang tsotlhe, lo boloke tse di siameng. Fapogang mofuta mongwe le mongwe wa bosula. Mme a Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe; a mewa ya lona le maphelo a lona le mebele ya lona di bolokwe, e nne tse di itekanetseng, di se na molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete. Ona o o lo bitsang o a ikanyega, o bile o tla dirafatsa. Bakaulengwe, re rapeleleng. Dumedisang bakaulengwe botlhe ka katlo e e boitshepo. Ke lo tiisetsa ka Morena gore lokwalo loo lo buisediwe bakaulengwe botlhe ba ba boitshepo. A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona! Nna Paulo le Silefano le Timotheo re kwalela phuthego ya Thesalonika e e mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete! Re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe, jaaka go tshwanetse; ka gonne tumelo ya lona e ntse e gola thata, le lorato lwa mongwe le mongwe wa lona lo lo ratanang ka lone lo ntse lo totela pele. Ke ka moo rona ka rosi re belafalang ka lona mo diphuthegong tsa Modimo ka ntlha ya boitshoko jwa lona le tumelo mo dipogisong tsotlhe tsa lona le mo dipitlaganyong tse lo di itshokelang. Ke sesupo sa katlholo e e siameng ya Modimo gore lo kaiwe lo le ba ba tshwanetseng puso ya Modimo e lo bileng lo e bogela; ka gonne go siame mo Modimong gore o busetse ba ba lo pitlaganyang pitlaganyo, mme lona ba lo pitlaganngwang o lo lapolose mmogo le rona mo ponatshegong ya Morena Jesu, mogang a tswang kwa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe, a le mo kgabong ya molelo, a busolosa bone ba ba sa itseng Modimo, e bong bone ba ba sa utlweng Efangele ya ga Jesu Morena wa rona. Ba tla boga petso, e bong tshenyego e e sa khutleng, e le ya go nna kgakala le sefatlhego sa Morena le kgalalelo ya thata ya gagwe, motlhang a tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa ke badumedi botlhe ka letsatsi leo; gonne tshupo ya rona e re e lo reretseng e dumetswe. Ke ka moo re ntseng re lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire ba ba tshwanetseng pitso, o bo o dirafatse natefelo nngwe le nngwe ya bopelontle jwa ona le tiro ya tumelo ka thata, gore leina la ga Jesu Morena wa rona le galalediwe mo go lona le lona mo go ene ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo wa rona le jwa Morena Jesu Keresete. Ba ga etsho, re lo rapela ka ntlha ya go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete le ka ntlha ya go phuthegela ga rona kwa go ene gore lo se ka lwa akofa lwa faposiwa maikutlo le e seng go tshosiwa ke sepe, le fa e ka nna mowa gongwe lefoko gongwe lokwalo lo go ka tweng lo tswa mo go rona lwa go re letsatsi la Morena le setse le tsile. Lo se ka lwa tsiediwa ke ope ka mokgwa ope; gonne go tshwanetse go tla tenego pele, le motho wa boikepo a itshupe, e bong motho wa tshenyego, ene moganetsi yo o ikgodisetseng sengwe le sengwe se se bidiwang modimo gongwe se se obamelwang, mo o bileng a ya go dula mo Tempeleng ya Modimo, a itshupa a re, ke ene Modimo. A ga lo gakologelwe gore e rile ke sa ntse ke na le lona, ka lo bolelela dilo tseo? Mme jaanong lo itse se se mo diegisang go ya a be a senolwe mo motlheng wa gagwe; gonne bosaitsiweng jwa boikepo bo setse bo dira; fela yo o bo diegisang go fitlha jaanong o tshwanetse go tlosiwa pele fa gare. Mme ke gona foo moikepi o tla senolwang, yo Morena Jesu o tla mmolayang ka pudulo ya molomo wa gagwe, a mo nyeletsa ka ponatshego ya go tla ga gagwe, ene yoo go tla ga gagwe go leng ka fa tirong ya ga Satane ka thata ya mefutafuta le ka ditshupo le dikgakgamatso tsa maaka le ka tsietso yotlhe ya tshiamololo mo go bone ba ba latlhegang, ka ba se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaaruri gore ba pholosiwe. Ke ka ntlha ya moo Modimo o ba romelang timetso e e thata gore ba tle ba dumele maaka, gore botlhe ba ba se kang ba dumela boammaaruri, mme ba kgatlhilwe ke tshiamololo, ba atlholwe. Mme rona re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Morena, ka gonne Modimo o sa le o lo itlhaolela go tswa tshimologong gore lo pholosiwe ka go itshepisiwa ke Mowa le ka go dumela boammaaruri. Ke se o lo bileditseng sona ka Efangele ya rona gore lo rue kgalalelo ya Morena wa rona Jesu Keresete. Ka moo he, ba ga etsho, emang ka tlhomamo, lo dirise dithuto tse lo di rutilweng, e ka nna ka molomo gongwe ka lokwalo lo lo tswang go rona. Mme Morena wa rona Jesu Keresete ka esi le Modimo Rraetsho yo o re ratileng, a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelotlhomogi, a a gomotse dipelo tsa lona, a lo tiise mo tirong nngwe le nngwe e e siameng le lefokong lengwe le lengwe le le siameng. Bakaulengwe, re sa ntse re re: Re rapeleleng gore Lefoko la Morena le ate ka bonako, le be le galalediwe fela jaaka mo go lona; le gore re gololwe mo bathong ba ba sokameng ba ba bosula; gonne go dumela ga se ga botlhe. Mme Morena o boikanyo yo o tla lo tiisang, a ba a lo femela mo go yo-o-bosula. Mme re lo ikanya mo Moreneng gore se re se lo laelang, lo a se dira, le gona lo tla nna lo se dira. A Morena a gogele dipelo tsa lona loratong lwa Modimo le boitshokong jwa ga Keresete. Ba ga etsho, re lo laela ka leina la Morena Jesu Keresete gore lo ikgaoganye le mokaulengwe mongwe le mongwe yo o tsamayang ka bofafalele, e seng ka fa thutong e lo e amogetseng mo go rona. Lo itse ka losi ka fa lo tshwanetseng go re etsa ka teng; gonne ga re a ka ra tsamaya ka bofafalele mo go lona. Le gona, ga re a ka ra batla go ja dijo mo go ope tse re di fiwang fela, mme re ne ra dira bosigo le motshegare ka matsapa le tapisego gore re se imele ope wa lona. Ga se go re, ga re na tshiamelo ya go dira jalo, mme ke go re, re ipee sekao mo go lona gore lo re etse. Kana le jale fa re na le lona, re lo laetse jaana ra re: “Fa mongwe a gana go dira, le gona a se ka a ja.” Gonne re utlwa go twe, bangwe ba tsamaya ka botlhaswa mo go lona, ba sa dire sepe, fa e se tse di se nang mosola fela. Ba ba ntseng jalo re ba laela, e bile re ba laya ka Morena Jesu Keresete gore ba dire ka tidimalo, ba je dijo tse e leng tsa bone. Mme lona, bakaulengwe, se lapeng go dira tse di molemo. Mme fa mongwe a sa utlwe lefoko la rona ka lokwalo loo, lo mmee leitlho, mme lo se ka lwa kopana nae, gore a tle a tlhajwe ke ditlhong; le gale lo se ka lwa mo kaya mmaba, mme lo mo kgalemele jaaka mokaulengwe. A Morena wa kagiso ka esi a lo nee kagiso ka metlha yotlhe le ka mekgwa yotlhe. A Morena a nne le lona lotlhe! Tumediso ya me ke eo, ke le Paulo, ke e kwala ka letsogo la me. Ke yona sesupo sa me mo lokwalong longwe le longwe lo lo tswang go nna; ke kwala jalo. A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona lotlhe! Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka fa taolong ya Modimo Moregolodi le ya ga Keresete Jesu yo e leng tsholofelo ya rona, ke kwalela Timotheo, ngwanake tota mo tumelong: A bopelotlhomogi bo nne le wena le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu, Morena wa rona! E rile fa ke tla ya kwa Maketonia, ka go laela ka re: O sale mo Efeso, o be o laole batho bangwe gore ba se ka ba ruta thuto e sele, le e seng go tlhokomela dinaane le dithulaganyo tse di sa feleng tsa maina a ditshika, tse di tsosang dikgang, bogolo go go tlhokomela thulaganyo ya pholoso ya Modimo e e dirafalang ka tumelo. Mme se taolo eo e isang kwa go sona ke lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng le mo segakoloding se se se nang molato le mo tumelong e e se nang boitimokanyo; ke dilo tse batho bangwe ba di fapogileng, ba fapogela kwa dipuong tsa boithamako. Ba rata go nna baruta-molao, etswe ba sa tlhaloganye tse ba di buang, le fa e le tse ba reng ke tsa nnete tota. Mme re itse gore molao o molemo, fa motho a o dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng, a itse gore molao ga o a beelwa mosiami, mme o beetswe basiamolodi le baitaodi le baikepi le baleofi le baitshepologi le basokami le ba ba bolayang borraabo le bommaabo le ba ba bolayang batho, le baakafadi le basenya-basimane le bautswa-batho le baaki le ba ba ikanang ka maaka, le fa go le sengwe se sele se se sa utlwaneng le thuto e e itekanetseng ka fa Efangeleng e ke e neetsweng ya kgalalelo ya Modimo o o sego ka boona. Ke leboga ene yo o nnonotshitseng, e bong Keresete Jesu Morena wa rona, ka a nkaile ke le boikanyo, a ntira modiredi wa gagwe, nna yo e rileng pele ka bo ke le mokgadi le mmogisi le mogateledi. Mme ke utlwetswe botlhoko, ka ke dirile jalo ke sa itse, ke tlhoka tumelo. Mme bopelotlhomogi jwa Morena wa rona bo ne jwa nna bogolo mo go fetang mmogo le tumelo le lorato lo lo mo go Keresete Jesu. Lefoko le le ikanyegang, le le tshwanetseng go amogelwa tota ke le: Keresete Jesu o tsile mo lefatsheng go pholosa baleofi ba nna ke leng yo mogolo wa bone. Mme se ke utlwetsweng botlhoko ka ntlha ya sona ke gore Jesu Keresete a senole bopelotelele jotlhe mo go nna, ke nne wa ntlha gore e nne sekao sa ba ba tla dumelang mo go ene go isiwa botshelong jo bo sa khutleng. Mme jaanong Kgosi ya masakhutleng, e bong Modimo o o sa nyeleleng, o o sa bonweng, o o botlhale o le osi, a tlotlo le kgalalelo e nne tsa ona ka bosakhutleng! Amen. Ke go neela taolo eo, wena Timotheo, ngwanaka, ka fa dipolelelong-pele tse di kileng tsa buiwa ka ga gago gore o tlhabane tlhabano e e molemo ka tsona, o ntse o na le tumelo le segakolodi se se se nang molato, se batho bangwe ba se latlhileng, mme ba senyegelwa ke tumelo, ba Himeneo le Aleksantere e leng bangwe ba bone, ba ke ba neetseng Satane gore ba rutiwe go lesa go kgala Modimo. Jaanong ke kaela pele ga tsotlhe gore dikopo le dithapelo le dithapelelo le ditebogo di direlwe batho botlhe, le dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo, gore re nne le bophelo jwa boiketlo le tidimalo ka poifo-Modimo yotlhe le ka tlotlego. Go dira jalo go molemo, go bile go natefela Modimo, Morepholosi, o o ratang gore batho botlhe ba pholosiwe le go fitlha mo kitsong ya boammaaruri. Gonne go Modimo o le mongwe fela le motsereganyi a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, e bong Keresete Jesu, a le motho, yo o ineetseng go nna tefo ya kgololo ya botlhe; ke yona tshupo e e tla rerwang ka metlha e e leng yona, e ke laotsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo wa yona le moruti wa baheitane go ba isa mo tumelong le mo boammaaruring; ke bua nnete mo go Keresete, ga ke ake. Ke ka moo ke ratang gore banna ba rapele mo mafelong otlhe, ba tsholeditse mabogo a a boitshepo kwa ntle ga bogale le pelaelo. Le gona jalo ke rata gore basadi ba kgabe ka diaparo tse di tshwanetseng ka tshisimogo le ka tekano, e seng ka meriri e e logilweng le ka gouta, gongwe ka ditalama le diaparo tsa tlhotlhwa e kgolo, mme e nne ka ditiro tse di molemo jaaka go tshwanetse basadi ba ba ratang go supa poifo-Modimo. A mosadi a ithute mo tidimalong ka boikokobetso jotlhe. Ga ke letlelele mosadi go ruta, le fa e le go laola monna, mme a a nne mo tidimalong. Gonne Atame o bopilwe pele, Efa a bopiwa morago. Le gona Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi ene a tsiediwa, a wela mo molatong. Mme o tla pholosiwa ka go belega bana, fa basadi ba ka nna ba ntse ba le mo tumelong le mo loratong le mo boitshepisong jo bo nang le tekano. Lefoko le le boikanyo ke le: Fa motho a batla tiro ya boruti, o eletsa tiro e e molemo. Mme jaanong modisa wa phuthego o tshwanetse a bo a se na molato, e le monna wa mosadi a le mongwe fela, a le tekano, a na le tlhaloganyo, a na le mekgwa e mentle, a tshola baeng, a nonofile mo go ruteng; e se letagwa, a se borumolano, e se mmatli wa mahumo ka mokgwa o o maswe, mme a le tsalano, e se motho wa kgang, e se morati wa madi; e le yo o laolang lelapa la gagwe sentle, a na le bana ba ba utlwang ka tlotlego yotlhe. Fa motho a sa itse go laola lelapa le e leng la gagwe, o ka babalela jang phuthego ya Modimo? A e se nne motho yo mošwa tumelong, e se re gongwe a ikgogomosa, a wela mo tshekisong ya ga Diabolo. E bile o tshwanetse go nna le tumo e e siameng mo go ba ba kwa ntle gore a se wele mo kgobong le mo serung sa ga Diabolo. Badiredi le bone ba tshwanetse go nna batho ba tlotlego, ba se diteme-pedi, ba sa itlopele bojalwa, ba sa batle mahumo ka mokgwa o o maswe, ba tshegeditse bosaitsiweng jwa tumelo ka segakolodi se se itshekileng. Le bone a ba tlhatlhojwe pele; ke gona ba ka dirang tiro ya bodiredi, fa ba se na nyatsego. Le bone basadi a e nne ba ba tlotlegang, e se balatofatsi; a ba nne tekano le boikanyo mo dilong tsotlhe. A modiredi mongwe le mongwe a nne le mosadi a le mongwe fela, e nne ba ba laolang bana ba bone le malapa a bone sentle; gonne ba ba dirileng sentle ka tiro ya bodiredi ba bona boemo jo bo molemo le namatshego e kgolo mo tumelong ya go dumela mo go Keresete Jesu. Dilo tseo ke di go kwalela ka tsholofelo ya gore ke tla akofa ke tla koo go wena, gore e re fa nka diega, o be o itse ka fa go tshwanetseng ga dirwa ka teng mo ntlong ya Modimo e e leng phuthego ya Modimo o o tshelang, le pinagare le motheo wa boammaaruri. Mme ga go na pelaelo, bosaitsiweng jwa poifo-Modimo bo bogolo jwa go re: Jesu o bonaditswe mo nameng, a supelwa tshiamo ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo baheitaneng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholediwa ka kgalalelo. Mowa o bolela ka thanolo gore mo metlheng ya bofelo bangwe ba tla tenega mo tumelong, ba ineela mo meweng e e timetsang le mo dithutong tsa medemone, e le ka boitimokanyo jwa ba ba buang maaka, ba digakolodi tsa bone di tshwailweng jaaka ka tshipi e e molelo. Ba iletsa batho go nyalana, ba laola gore go ilwe dijo tse Modimo o di diretseng go amogelwa ka tebogo ke badumedi ba ba itseng boammaaruri; gonne sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng se molemo, mme ga go sepe se se nang le go latlhwa, fa se amogelwa ka tebogo; gonne se itshepisiwa ka Lefoko la Modimo le ka thapelo. Fa o gakolola bakaulengwe dilo tseo, o tla bo o le modiredi yo o molemo wa ga Keresete Jesu, o le yo o ikotlang ka mafoko a tumelo le a thuto e e siameng e o ntseng o e setse morago. Mme o gane dinaane tse di sa itshepang tsa basadi bagolo. Bogolo o itlwaetse poifo-Modimo. Gonne go sidila mmele go na le thuso e nnye fela, mme poifo-Modimo yona e na le thuso mo dilong tsotlhe, ka e na le tsholofetso ya botshelo jwa gompieno le ya jo bo tlang. Ke lefoko le le ikanyegang le le tshwanetseng go amogelwa tota; go nne re itapisetsa sona seo le go se tlhabanela, ka re solofela mo Modimong o o tshelang, o e leng Mopholosi wa batho botlhe, bogolo wa bone ba ba dumelang. Dilo tseo o di ba laele, o di ba rute. A go se nne ope yo o nyatsang bokau jwa gago, mme o nne sekao mo go ba ba dumelang ka puo le motsamao le lorato le mowa le tumelo le ka boitsheko. Tswelela pele go buisa le go kaela le go ruta, go ya ke be ke tle. O se ka wa tlhokomologa neo e e mo go wena, e o e neilweng ka polelelopele le ka go bewa diatla ke bagolo. Tlhoafalela dilo tseo, o nne mo go tsona gore botswelelopele jwa gago bo bonatsege mo go botlhe. Ikele tlhoko, o be o tlhokomele le yona thuto; o tlhomame mo dilong tseo. Fa o dira jalo, o tla ipholosa, o be o pholosa ba ba go utlwang. O se ka wa kgalemela monnamogolo, mme o mo kaele jaaka e kete ke rraago, le basadi-bagolo jaaka e kete ke bommaago, le ba bašwa jaaka e kete ke bokgaitsadio, ka boitsheko jotlhe. Batlholagadi ba e leng batlholagadi tota o ba tlotle. Mme fa motlholagadi a na le bana gongwe bana ba bana, a bao ba ithute go supa bodumedi pele mo go ba ga bone le go leboga batsadi ba bone; gonne seo ke se se kgatlhang Modimo. Mme ene yo e leng motlholagadi tota, a tlogetswe a le esi, o solofetse mo Modimong, o tswelela pele ka mekokotlelo le ka merapelo bosigo le motshegare; mme yo o phelelang dikgatlhego tsa gagwe ene o sule, le fa a ntse a phela. Dilo tseo le tsona o di ba laele gore ba nne ba ba se nang molato. Fa motho a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo, o bosula bogolo go yo o sa dumeleng. A mo palong go kwalwe motlholagadi fela wa dinyaga tse di sa tlhaeleng 60, yo o neng e le mosadi wa monna a le mongwe fela, a na le tshupo ya ditiro tse di molemo tsa gore o godisitse bana, a tshola baeng, a tlhapisa baitshepi dinao, a thusa ba ba pitlagantsweng, a tlhokomela tiro nngwe le nngwe e e molemo. Batlholagadi ba e sa ntseng e le ba bašwa, o ba gane; gonne e a re fa ba fenngwa ke dikeletso mo go tlotlololang Keresete, ba rate go nyalwa, ba welwe ke katlholo ya gore ba dirolotse maikano a bone a pele. Mme le gona ba ineela botshwakga, ba tlwaela go tlhôtlhôma le malapa; mme ga se go tshwakgafala fela, e bile ke babalabadi le batshwenyi ba ba buang tse di sa tshwanelang. Ka ntlha ya moo ke batla gore batlholagadi ba e sa ntseng e le batho ba bašwa ba nyalwe, ba tshole bana, ba dise lelapa, gore ba se nee moganetsi lebaka la go kgoba. Gonne bangwe ba setse ba fapogile, ba latela Satane. Fa modumedi a na le batlholagadi, a a ba tlamele gore phuthego e se ka ya imediwa, yona e tlamele ba e leng batlholagadi tota. Bagolo ba phuthego ba ba tshwereng tiro sentle a ba kaiwe ba tshwanetswe ke tlotlo e e menaganyeng, bogolo bone ba ba dirang ka lefoko le ka thuto; gonne Lokwalo lo a re: “Kgomo e e phothang o se ka wa e bofa molomo;” gape lo a re: “Modiri o tshwanetswe ke tuelo ya gagwe.” Fa mogolo wa phuthego a latofadiwa, se amogele tatofatso eo, fa e se ka basupi ba babedi gongwe ba bararo. Ba ba leofang o ba kgalemele fa pele ga botlhe gore ba bangwe le bone ba boife. Ke go laya fa pele ga Modimo le Keresete Jesu le baengele ba ba tlhaotsweng gore o tlhokomele dilo tseo; o se ka wa atlhola o ise o tlhotlhomise, o se dire sepe ka go gobelelela motho. O se ka wa baya motho ope diatla ka potlako, le gona o se ka wa itsenya mo maleong a batho ba bangwe. Wena o nne o itshekile. O se tlhole o nwa metsi fela, mme o nwe weinenyana ka ntlha ya mala a gago, le ka o fokola gantsi. Maleo a batho bangwe a itsege gotlhe, a ba etelela pele kwa katlholong, mme a ba bangwe a a ba latela. Go ntse jalo le ditiro tse di molemo, di itsege gotlhe; mme tse di sa itsegeng ga di ka ke tsa fitlhegela ruri. Botlhe ba e leng batlhanka ba ba mo jokweng a ba kaye beng ba bone e le ba ba tshwanetsweng ke tlotlo yotlhe gore go se kgalwe leina la Modimo le thuto. Bone ba ba nang le beng ba ba dumelang a ba se ka ba ba tlhokisa tlotlo, ka e le badumedi-ka-bone, mme a ba ba direle bogolo; ka gonne ba ba amogelang tirelo e e molemo ke badumedi le barategi. Dilo tseo o di ba rute, o ba laye. Fa motho a ruta dilo di sele, mme a sa dumalane le mafoko a a itekanetseng a Morena wa rona Jesu Keresete le thuto ya poifo-Modimo, o ikgogomositse a ntse a sa itse sepe, mme o na le bolwetse jwa dipotsolotso le jwa dikganetsanyo tse di tsalang lefufa le ntwa le dikgalo le dikgopolelo tse di bosula le diphapaang tse di sa feleng tsa batho ba ba senyegileng tlhaloganyo, ba ba amogilweng boammaaruri, ka ba itlhoma poifo-Modimo e le papadi. Papadi e kgolo ke poifo-Modimo e e nang le pelo e e thethebetseng. Gonne ga re a ka ra tsisa sepe mo lefatsheng, mme go bonala gore ga re ka ke ra ntsha sepe mo go lone. Mme fa re na le dijo le diaparo a go re lekane. Ba ba ratang go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosilo tse di senyang, tse di nwetsang batho mo tshenyegong le mo tatlhegong. Gonne bopelotshetlha ke modi wa masula otlhe; e rile batho bangwe ba ineela mo go jona, ba fapoga tumelo, ba itirela matlhoko a mantsi. Mme wena, motho wa Modimo, tshaba dilo tseo! O tsôtelele tshiamo le poifo-Modimo le tumelo le lorato le boitshoko le bopelonolo. Tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo, phamola bophelo jo bo sa khutleng jo o bo bileditsweng, wa ba wa ipolela boipolelo jo bo molemo fa pele ga basupi ba le bantsi. Ke go laya fa pele ga Modimo o o phedisang dilo tsotlhe le fa pele ga Keresete Jesu yo o supileng boipolelo jo bo molemo fa pele ga Pontio Pilato, ka re: Tshegetsa taolo eo ka mokgwa o o se nang sebala le nyatsego go fitlha ponatshegong ya Morena wa rona Jesu Keresete, e e tla bonatsiwang mo metlheng ya teng ke yo e leng Mmusi a le esi wa masego le Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Ke ene fela yo o nang le bosasweng, yo o agileng mo leseding le le sa ka keng la atamelwa, yo o iseng a ke a bonwe ke motho ope, yo o sa ka keng a bonwa ke ope. Ke ene yo o tshwanetsweng ke tlotlo le puso e e sa khutleng. Amen. Bahumi ba lefatshe leno o ba laye gore ba se ka ba ikgodisa le e seng go ikanya khumo e e se nang tlhomamo, mme a ba solofele mo Modimong o o re abelang dilo tsotlhe ka botlalo gore di re jese monate. O be o ba laye gore ba dire molemo, ba hume ka fa ditirong tse di molemo, ba itumelele go atswa le go abelana, ba be ba iphuthele mahumo a mothao o o siameng wa tse di tlang gore ba tle ba bone botshelo jwa nnete. Timotheo, boloka se o se neilweng, o thibogele dipalabalo tsa boithamako le dikganetsanyo tsa se se bidiwang kitso, etswe e se yona, e bangwe e rileng ba ineetse mo go yona, ba timela ntlheng ya tumelo. A bopelotlhomogi bo nne le lona! Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo ka fa tsholofetsong ya botshelo jo bo mo go Keresete Jesu, ke kwalela Timotheo, ngwanake yo o rategang: A bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu Morena wa rona di nne le wena! Ke leboga Modimo o ke sa leng ke o direla go tloga mo go borre ka segakolodi se se itshekileng. Ke ntse ke go gopotse ka gale mo merapelong ya me bosigo le motshegare. Ke tlhologeletswe go go bona, fa ke gopola dikeledi tsa gago, gore ke tle ke tladiwe boitumelo. Ke gakologelwa tumelo ya gago e e se nang boitimokanyo, e e rileng pele ya bo e agile mo go mmaago-mogolo Loise le mo go mmaago Onika, mme ke dumela gore le mo go wena e teng. Ka ntlha ya moo ke go gakolola gore o kgotetse neo ya Modimo gape e e mo go wena ka peo ya diatla tsa me. Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa boboi, mme e le wa thata le wa lorato le wa boitshwaro. Ka moo o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya tshupo ya go supa ka ga Morena wa rona, le fa e le nna, ke le mogolegwi wa gagwe, mme o bogele Efangele mmogo le nna ka fa thateng ya Modimo o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo, mme jo jaanong bo senotsweng ka iponatso ya ga Keresete Jesu, Mogolodi wa rona, yo o nyeleditseng loso, a baya bophelo le bosasweng mo leseding ka Efangele e ke e beetsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo le moruti wa baheitane. Ke ka ntlha ya moo ke bogang dilo tseo, mme ga ke tlhajwe ke ditlhong; gonne ke itse yo ke dumetseng mo go ene, ke bile ke itse ka tlhomamo gore o nonofile go boloka se ke se neetsweng go fitlha mo letsatsing leo. Sekao sa mafoko a a itekanetseng a o a utlwileng mo go nna, o se tshegetse mo tumelong le mo loratong lo lo mo go Keresete Jesu. Neo e e molemo e o e neetsweng o e boloke ka Mowa o o Boitshepo o o agileng mo go rona. Kana o itse gore batho botlhe ba kwa Asia ba nkhularetse, ba Figelo le Heremogene e leng bangwe ba bone. A Morena a utlwele ba ntlo ya ga Onesiforo botlhoko; gonne o ntsitsibositse gantsi, mme a se ka a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya keetane e e mpofileng. Mme e rile a fitlha kwa Roma, a mpatla ka tlhoafalo, a ba a mpona. A Morena a mo nee go bona boutlwelo-botlhoko mo Moreneng ka letsatsi leo. Mme dilo tse dintsi tse a di ntiretseng kwa Efeso, ò di itse sentle thata. Mme wena, ngwanaka, tia jaanong ka bopelotlhomogi jo bo mo go Keresete Jesu. Mme dilo tse o di utlwileng mo go nna go le basupi ba bantsi, o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba bileng ba tla nonofa go di ruta ba bangwe. Boga le nna jaaka motlhabani yo o siameng wa ga Keresete Jesu. Ga go ope yo e a reng a bololetse tlhabano, a tshwenyegele tse a iphedisang ka tsona, mme o dira gore a kgatlhe ene yo o mmileditseng ntweng. Kana le fa motho a tsena mo kgaisanyong, ga a nke a rwesiwa serwalo, fa a sa se lekele ka fa molaong. Molemi yo o itapisang o tshwanetse go nna wa ntlha yo o jang maungo. Ela se ke se buang tlhoko; gonne Morena o tla go neela tlhaloganyo mo dilong tsotlhe. Gopola Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing, yo e leng wa losika lwa ga Dafita ka fa Efangeleng ya me e ke e bogelang, mo ke bileng ka golegwa jaaka mosenyi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa. Ke gona ka moo ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya batlhaolwi gore le bone ba amogele pholoso e e mo go Keresete Jesu le kgalalelo e e sa khutleng. Lefoko le le boikanyo ke le: “Fa re sule nae, re tla phela nae. Fa re itshoka, re tla busa nae; fa re mo itatola, le ene o tla re itatola. Fa re sa ikanyege, ene o tla nna a le boikanyo; gonne ga a ka ke a iitatola.” Dilo tseo o di ba gopotse, o ba tlhagise fa pele ga Modimo gore ba se ka ba ganetsanya ka mafoko mo go sa thuseng sepe, mme e le fela go isa ba ba a utlwang mo tshenyegong. O nne tlhaga gore o itshupetse Modimo o le yo o ikanyegang, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, yo o lebanyang Lefoko la boammaaruri ka tshwanelo. Mme dipalabalo tsa boithamako o di tshabe; gonne babalabadi ba tla nna ba tswelela pele fela mo boikepong. Lefoko la bone le tla nna le kekela jaaka tlhagala e e kekelang, ba Himeneo le Fileto e leng bangwe ba bone, ba ba fapogileng boammaaruri ba re tsogo ya baswi e setse e dirafetse, ba be ba senya tumelo ya ba bangwe. Le fa go ntse jalo motheo o o tlhomameng wa Modimo o eme, o na le sekano se se reng: “Morena o itse ba e leng ba gagwe;” le se se reng: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la Morena a tlogele tshiamololo.” Mme jaanong mo ntlong e kgolo ga go na dijana tsa gouta le tsa selefera fela, mme go na le tsa logong le tsa letsopa le tsona, tse dingwe e le tsa tlotlo, tse dingwe e le tsa tlotlololo. Jaanong fa motho a tlhapa dilo tseo, o tla nna sejana sa tlotlo se se itshepisitsweng, se se lebanyeng go direla mong wa ntlo, se se baakanyeditsweng tiro nngwe le nngwe e e molemo. Tshaba dikeletso tsa bokau, o batle tshiamo le tumelo le lorato le kagiso mmogo le ba ba bitsang Morena ka dipelo tse di itshekileng. Mme dipotso tsa bosilo le tsa bonyana o di gane, ka o itse gore di tsala kgang fela. Mme motlhanka wa Morena ga a tshwanela go nna motho wa kgang, mme a a nne pelontle le botlhe, a itse go ruta, mme a itshokele bosula; a be a kgalemele baganetsi ka bonolo, e tle e re gongwe Modimo o ba nee tlhabologo e e isang kitsong ya boammaaruri, ba tle ba rarabologelwe, ba tswe mo serung sa ga Diabolo se ba neng ba tshwerwe ka sona gore ba dirafatse thato ya gagwe. Mme itse gore mo malatsing a bofelo go tla tla dipaka tse di bokete; gonne batho e tla nna baithati, baratamadi, baipoki, baikgantshi, bakgadi, ba ba sa utlweng bagolo, ba ba sa lebogeng, ba ba sa itshepang, ba ba se nang lorato, ba ba sa itshwareleng, ba ba latofatsang, ba ba sa itsholeng sentle, ba ba sa itshwareng, ba ba sa rateng sepe se se molemo, balotsana, ba ba kgopo, ba ba ikgogomosang, ba ba ratang dikgatlhego tsa lefatshe bogolo go Modimo; ba ba nang le setshwano sa bodumedi, etswe thata ya jona ba e latotse. Bone bao o ikgaoganye nabo. Gonne mo go bao go na le ba ba kukunelang matlo, ba ikgapela basadi ba ba se nang maitsholo, ba ba tletseng boleo, ba gogwa-gogwa ke dikeletso tsa mefutafuta; le fa ba ithuta ka gale, ga ba kgone ka gope go fitlha kitsong ya boammaaruri. Banna bao ba ganetsa boammaaruri, jaaka Janese le Jambrese ba kile ba ganetsa Moše. Ke batho ba ba senyegileng maikutlo, mo ba sa tlholeng ba ka dumela. Mme ga ba kitla ba tswelela pele ka boleele; gonne bosilo jwa bone bo tla itsege mo go botlhe, fela jaaka jwa bale bo senogile. Mme wena o ntatetse ka thuto le mokgwa le boikaelelo le tumelo le bopelotelele le lorato le boitshoko le ditlhomaro le dipogiso, jaaka di ntirafaletse kwa Antiogia le kwa Ikonio le kwa Lesitara. Di kana kang ne, dipogiso tse ke di itshoketseng! Mme Morena o nkgolotse mo go tsona tsotlhe. Botlhe ba ba ratang go phela ka poifo-Modimo mo go Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa. Mme batho ba ba bosula le batsietsi ba tla nna ba sulafalela pele, ba timetsa, ba bile ba timediwa. Mme wena, tlhomama mo dilong tse o di ithutileng, wa di dumela ka go itemogela, ka o itse ba o ithutileng mo go bone, le ka Dikwalo tse di boitshepo o sa le o di itse go tswa bonyaneng jwa gago, tse di nonofileng go go tlhalefisetsa phologo ka go dumela mo go Keresete Jesu. Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo lo molemo go ruta le go kgalemela le go sokolola le go godisa mo tshiamong, gore motho wa Modimo a nne boitekanelo, e nne yo o etleetsegetseng tiro nngwe le nngwe e e siameng ka botlalo. Ke go ikanisa fa pele ga Modimo le fa pele ga Keresete Jesu yo o tla atlholang baphedi le baswi, le ka ponatshego ya gagwe le ka puso ya gagwe, ke re: Rera Lefoko o nne yo o ipaakantseng ka nako e e leng yona le e e seng yona; supa molato, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka thuto; gonne go tla tla sebaka se ba tla ganang thuto e e itekanetseng ka sona; mme ba tla ikgobokanyetsa baruti ka fa dikgatlhegong tsa bona ba ba ba tlakisang ditsebe. Ba tla iphaposa ditsebe mo boammaaruring, ba fapogela dinaaneng. Mme wena, o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele dipogiso, o dire tiro ya moreri wa Efangele, o fetse tirelo ya gago ka botlalo. Nna ke setse ke tla dirwa setlhabelo, nako ya me ya go swa e fitlhile. Ke tlhabanye tlhabano e e molemo, ke weditse tshiano, ke bolokile tumelo. Jaanong ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo se Morena Moatlhodi yo o siameng o tla se nnayang ka letsatsi leo, mme e seng nna ke le nosi, le bona botlhe ba ba ratang ponatshego ya gagwe. Itlhaganele go tla kwano go nna ka bonako; gonne Demase o ntlogetse, ka a ratile lefatshe leno, o ile kwa Thesalonika. Keresekese o ile kwa Galatia, Tito o ile kwa Dalematia. Ke Luka fela yo ke nang nae. Tsaya Mareko, o be o tle nae; gonne o tla nthusa thata mo tirelong. Tigiko ene ke mo rometse kwa Efeso. Kobo e ke e tlogetseng mo go Karepo kwa Teroase, e re o tla, o e ntlele, le dikwalo, bogolo tsa matlalo. Aleksantere wa mothudi o ntiretse bosula jo bogolo; Morena o tla mmusetsa ka fa ditirong tsa gagwe. Le wena, o itise mo go ene; gonne o ganeditse mafoko a rona thata. Mo boikarabelong jwa ntlha jwa me ga go a ka ga ema ope le nna, ba ntshabetse botlhe; a ba se ka ba bonwa molato ka ntlha ya moo. Mme Morena ene o ne a ema le nna, a nthatafatsa gore ke tle ke rere Efangele go ya bokhutlong, mme baheitane botlhe ba utlwe; ka ba ka gololwa mo leganong la tau. Morena o tla nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, a mpholosa, a nkisa mo pusong ya gagwe ya legodimo. A kgalalelo e nne ya gagwe go ya bosakhutleng! Amen. Dumedisa Periseka le Akwila le ba lapa la ga Onesiforo. Eraseto o setse kwa Korinthe, Terofimo ke mo tlogetse kwa Mileto a lwala. Itlhaganele go tla, mariga a ise a tsene. Eubulo a re, o dumele; le Putese le Leno le Kelaudia le bakaulengwe botlhe ba a go dumedisa. A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago; a bopelotlhomogi bo nne le lona! Nna Paulo, motlhanka wa Modimo le moapostolo wa ga Jesu Keresete ka ntlha ya tumelo ya batlhaolwi ba Modimo le ka ntlha ya kitso ya boammaaruri jo bo isang mo poifong-Modimo ka tsholofelo ya bophelo jo bo sa khutleng, jo Modimo o o sa ka keng wa aka o sa leng o bo solofetsa pele mo metlheng e e se nang tshimologo, mme wa senola Lefoko la ona mo metlheng ya teng ka thero e ke e neetsweng ka fa taolong ya Modimo Morepholosi, ke kwalela Tito ngwanake tota ka fa tumelong e re e tlhakanetseng: Bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu, Moregolodi, a di nne le wena! Ke go tlogetse kwa Kereta gore o tle o rulaganye dilo tse di neng di setse, le go baya bagolo ba phuthego mo motseng mongwe le mongwe ka fa ke go laetseng ka teng; yo o tlhongwang a e nne yo o se nang molato, monna wa mosadi a le mongwe, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bonweng molato wa botlhaswa gongwe boitaolo; gonne mookamedi o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, e le yo o tlhokomelang tsa Modimo, e se yo o ikgantshang, e se yo o gakalang fela, e se letagwa, e se morumodi, a sa batle khumo e mpe, mme e le yo o tsholang baeng, yo o ratang se se molemo, yo o itsholang sentle, yo o thokgameng, yo o boitshepo, yo o tekano, a tshegeditse lefoko le le ikanyegang le le lebanyeng thuto gore a kgone go kaela ka thuto e e itekanetseng le go fenya baganetsi. Gonne go na le batho ba le bantsi ba ba ganang go utlwa, le babalabadi, le batsietsi, bogolo ba e leng ba thupiso, ba ba tshwanetseng go thijwa melomo, ka ba feretlha malapa gotlhe ka go ruta dilo tse di sa tshwanelang, e le ka ntlha ya papadi e mpe. Mongwe wa bone, e bong moporofeti wa bone, o rile: Bakereta ke baaki ka gale, ke dibata tse di bosula, ke dimpa tse di bobodu. Tshupo eo ke ya nnete. Lebakeng leo o ba kgalemele ka bogale gore ba tle ba fole mo tumelong, ba se ka ba tlhokomela dinaane tsa Sejuta le ditaolo tsa batho ba ba fapogang boammaaruri. Dilo tsotlhe di itshekile mo go ba ba itshekileng; mme mo go ba ba itshekologileng, ba ba sa dumeleng, ga go sepe se se itshekileng; go kgotlelegile maikutlo a bone le digakolodi tsa bone. Ba ipolela ba re ba itse Modimo! mme ba o itatola ka ditiro tsa bone, ka ba le bosula mo go fetisang, ba sa utlwe, ba sa nonofa go dira tiro epe e e molemo. Mme wena, bua dilo tse di tshwanetseng thuto e e tshedisang. A banna-bagolo ba nne tekano le tlotlego le boiketlo, ba itekanele mo tumelong le mo loratong le mo boitshokong. Basadi-bagolo le bone a ba nne jaaka go tshwanetse baitshepi, e se nne balatofatsi, ba se laolwe ke majalwa, e nne ba ba rutang tse di molemo, gore ba rute basadi ba bašwa go rata banna ba bone le go rata bana ba bone, ba nne tekano, ba nne phepa, ba tlhokomele tiro tsa malapa, ba nne molemo, ba ikokobeletse banna ba bone gore Lefoko la Modimo le se ka la kgalwa. Makolwane le ona o a kaele fela jalo gore a itshole sentle, o ntse o itshupa ka dilo tsotlhe gore o sekao mo ditirong tse di molemo; mo go ruteng o itshupe ka maikutlo a a sa senyegang le ka tlotlego, o na le puo e e thokgameng e e se nang go ka ganediwa, gore yo o ganetsang a tle a tlhajwe ke ditlhong, ka a tlhoka bosula jo a ka bo buang ka ga rona. Batlhanka o ba kaele gore ba ikokobeletse beng ba bone mo dilong tsotlhe, ba ba kgatlhe, ba se ba ganetse, ba se itseele sepe, mme ba itshupe ka boikanyo jotlhe jo bo molemo gore ba kgabise thuto ya Modimo, Morepholosi, mo dilong tsotlhe. Gonne bopelotlhomogi jwa Modimo bo bonetse jo bo tsisetsang batho botlhe pholoso; bo re ruta gore re itatole boikepo le dikeletso tsa lefatshe, mme re phele ka tekano le ka tshiamo le ka borapedi mo lefatsheng leno, re ntse re lebeletse lesego la tsholofelo le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo le ya ga Keresete Jesu Morepholosi yo o re ineeletseng losong gore a re golole mo tshiamololong yotlhe, a be a itshekise batho gore e nne ba gagwe ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo. Dilo tseo o di bue, o kaele, o supe se e leng molato ka tlhoafalo yotlhe. A go se nne ope yo o go nyatsang. O ba gakolole gore ba ikokobeletse mebuso e e laolang, ba e utlwe, ba etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo, ba se kgale ope, ba se batle kgang, mme ba nne bopelontle, ba itshupe ka bonolo jotlhe mo bathong botlhe. Gonne le rona re kile ra bo re le bosilo, re sa utlwe, re timetse, re direla dikeletso le dikgatlhego dingwe le dingwe, re phela ka bosula le ka lefufa, re ilega, re tlhoanye. Mme e rile go bonala bopelontle jwa Modimo, Morepholosi, le go rata batho ga ona, wa re pholosa, e seng ka ntlha ya ditiro tsa tshiamo tse rona re di dirileng, mme e le ka fa boutlwelong-botlhoko jwa ona ka tlhapo ya go tsalwa gape le ka ntšhwafatso ya Mowa o o Boitshepo o o o goromeditseng mo go rona ka Jesu Keresete, Morepholosi, gore e tle e re fa re sena go siamisiwa ka bopelotlhomogi jwa ona, re nne barua-boswa ba botshelo jo bo sa khutleng jo re bo solofelang. Lefoko leo ke le le ikanyegang. Mme ke rata gore dilo tseo o di bolele ka tlhomamo gore ba ba dumetseng mo Modimong ba tlhoafalele go dira ditiro tse di molemo. Dilo tseo di siame, e bile di thusa batho. Mme o katoge dipotso tsa bosilo le dithulaganyo tsa maina a ditshika le dikgang le dikganetsanyo ka ga molao; gonne ga di thuse sepe, ke tsa boithamako fela. Motho yo o simololang kereke ya maitirelo e re fa o sena go mo tlhagisa gangwe gongwe gabedi, a gana, o mo tlogele, ka o itse gore yo o ntseng jalo o kgopo, o a leofa; o bile o ikatlhotse. E re fa ke romela Aretema gongwe Tigiko koo go wena, o itlhaganele go tla go nna kwano Nikopodi; gonne ke ikaeletse go dika mariga teng. Senase, moitse-molao, le Apolo o ba thuse ka tlhoafalo go ka etela pele, gore ba se ka ba tlhoka sepe. A ba ga rona le bone ba ithute go nna tlhaga mo ditirong tse di molemo go thusa ka tse di batlegang gore ba se nne ba ba sa ungweng sepe. Botlhe ba ke nang nabo ba a go dumedisa. Ntumedisetsa ba ba re ratang mo tumelong. A bopelothomogi bo nne le lona lotlhe! Amen. Nna Paulo, mogolegwi wa ga Keresete Jesu, le Timotheo morwa-rre, re kwalela Filemone, moratiwa wa rona, modiri-ka-rona, le Apia, kgaitsadia-rona, le Aregipo, motlhabani-ka-rona, le phuthego ya mo ntlong ya gago: A bopelotlhomogi le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete di nne le lona! Ke leboga Modimo wa me ka gale, fa ke go gopola mo merapelong ya me, ka ke utlwa ka ga tumelo ya gago ya go dumela mo go Morena Jesu le ka ga lorato lwa gago lo o ratang baitshepi botlhe ka lone, gore tumelo ya gago e re kopanyeng nao ka yona e itshupe ka kitso ya tse di molemo tsotlhe tse di mo go rona, e le go direla Keresete. Gonne ke ne ka nna le boitumelo jo bogolo le kgomotso ka ntlha ya lorato lwa gago; ka gonne dipelo tsa baitshepi di tsitsibositswe ke wena, morwa-Rra. Ka ntlha ya moo, le fa nka go laela se se tshwanetseng ka Keresete ka pelo e e phuthologileng, bogolo ke go rapela ka ntlha ya lorato, ke le Paulo, monnamogolo, yo kajeno e bileng ke le mogolegwi wa ga Keresete Jesu; ke go rapela ka ntlha ya ga Onesimo ngwanake yo ke mo tsetseng ke le mo dikgoleng, yo e rileng pele a bo a se molemo ope mo go wena, mme kajeno o molemo mo go wena le mo go nna. Ke mmusetsa koo go wena; mo tshole ene yo e leng pelo ya me. Ke ne ke rata go mo thibela gore a nne le nna, a ntirele mo boemong jwa gago, ke le mo dikgoleng ka ntlha ya Efangele. Mme ke ne ke sa rate go dira sepe kwa ntle ga tetlelelo ya gago, gore molemo wa gago o se dirafale jaaka e kete ke ka pateletso, mme e nne ka pelotshweu. Gonne motlhamongwe o ne a kgaogantswe le wena ka sebakanyana, e le gore o tle o nne nae ka bosakhutleng, e sa tlhole e le motlhanka, mme e le yo o gaisang motlhanka, e le mokaulengwe yo o rategang; ke wa me tota, mme bogolo ke wa gago ka fa nameng le mo Moreneng. Fa jaanong nna o nkaya molekane wa gago, mo tshole jaaka o ka tshola nna. Mme fa a go senyeditse sengwe, gongwe a le molato nao, o se batle mo go nna. Ke le Paulo, ke kwadile ka letsogo la me ka re: Nka lefa, ka tloga ka go bontsha gore wena ka wesi o molato mo go nna ka bojotlhe jwa gago. Ee, ngwana wa ga rra, a nke ke bone thuso ya gago mo Moreneng: Lapolosa pelo ya me mo go Keresete. Ke go kwaletse ka go ikanya kutlo ya gago, ke bile ke itse gore o tla dira le go fetisa se ke se buang. Le gona o ke o mpaakanyetse bonno koo; gonne ke solofela gore ke tla lo neelwa gape ka merapelo ya lona. Epafera mogolegwi-ka-nna mo go Keresete Jesu o a go dumedisa, le Mareko le Aristarego le Demase le Luka, badiri-ka-nna. A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le mewa ya lona! Amen. E rile Modimo o sena go bua gantsi le ka mekgwa e mentsi le borraetsho ka baporofeti mo metlheng ya bogologolo, wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene. Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong, a nna mogolo go feta baengele, jaaka a filwe boswa jwa leina le legolo bogolo go maina a bone. Gonne ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re: “O Morwaake, ke go tsetse kajeno”? Wa ba wa re: “Ke tla nna rraagwe, mme ene o tla nna Morwaake”? Mme e tla re o tsisa Motsalwapele gape mo lefatsheng, o laele o re: “Baengele botlhe ba Modimo ba tshwanetse go mo obamela.” Fa e le ka ga baengele, o buile wa re: “O dira baengele ba ona diphefo le badiredi ba ona dikgabo tsa molelo.” Mme o raya Morwa o a re: “Modimo, sedulo sa bogosi sa gago ke sa bosakhutleng; thobane ya bogosi jwa gago ke thobane ya tshiamo. O ne o rata tshiamo, mme o tlhoa tshiamololo; ke gona ka moo, Modimo, Modimo wa gago o go tloditseng lookwane lwa boitumelo go gaisa balekane ba gago.” Gape wa re: “Wena Morena, o theile lefatshe mo tshimologong, magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago. Tseo di tla nyelela, mme wena o nnetse ruri, mme tsona tsotlhe di tla onala jaaka seaparo. O tla di mena jaaka kobo, jaaka seaparo, di tla fetolwa, mme wena o ntse o le yo o leng ene; dinyaga tsa gago ga di nke di khutla.” Mme ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re: “Dula ka fa letsogong la me le le jang, ke tle ke tsamae ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago”? Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e romelwang tirelong ka ntlha ya ba ba tla ruang pholoso boswa? Ke ka moo re tshwanetseng go tlhokomela bogolo dilo tse re di utlwileng, e se re gongwe ra latlhegelwa ke pholoso. Gonne fa lefoko le le builweng ke baengele le ne le tlhomama, le tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa go ne go amogela petso e e tshwanetseng, rona re ka falola jang, fa re tlhokomologa pholoso e e kalokalo? Ke e e rileng e sena go bolelwa pele ke Morena, rona ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng; Modimo o ntse o supa mmogo le bone ka ditshupo le dikgakgamatso le dithata tse dintsi le dikabo tsa Mowa o o Boitshepo ka fa thatong ya ona. Gonne lefatshe le le tlang, le re buang ka ga lone, ga o a le baya mo taolong ya baengele; mme mongwe o supile felong gongwe a re: “Kana motho ke eng, fa o mo gopotse, gongwe ngwana wa motho ke eng, fa o mmabalela? O mo tlhaedisitse baengele ka sebakanyana fela, mme morago wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo, wa mo laodisa ditiro tsa diatla tsa gago; dilo tsotlhe wa di baya fa tlase ga dinao tsa gagwe.” Mme kana ka go baya dilo tsotlhe fa tlase ga gagwe, ga o a ka wa sadisa sepe se se seng mo taolong ya gagwe. Mme kajeno ga re ise re bone, fa dilo tsotlhe di beilwe mo taolong ya gagwe. Mme ene yo o ne a fetwa ke baengele ka sebakanyana, e bong Jesu, re mmona a rwesitswe kgalalelo le tlotlo ka ntlha ya pogiso ya loso gore a utlwele mongwe le mongwe loso ka bopelotlhomogi jwa Modimo. Gonne go ne go tshwanetse ona o dilo tsotlhe di leng ka ntlha ya ona, o dilo tsotlhe di leng ka ona, o o gogetseng bana ba bantsi kwa kgalalelong, gore o ise mosimolodi wa pholoso ya bona kwa botlalong ka dipogo. Gonne fa e le yo o itshepisang le ba ba itshepisiwang, botlhe ba tswa mo go a le mongwe fela; ke ka moo a sa tlhajweng ke ditlhong go ba bitsa bomorwa-rraagwe, fa a re: “Ke tla bolelela bomorwa-rre leina la gago, ke go opelela mo gare ga phuthego.” A bile a re: “Nna ke tla mo ikanya;” a ba a re: “Bona, ke fano le bana ba Modimo o ba nneileng.” Jaanong e re ka bana ba na le madi le nama, le ene a nna natso fela jalo, gore a nyeletse ka loso ene yo o nang le thata ya loso, e bong Diabolo, a be a golole botlhe ba ba neng ba le mo bokgobeng botshelong jotlhe ka go boifa loso. Gonne ruri ga se baengele ba o ba thusang, mme o thusa ba losika lwa ga Aborahame. Ke ka moo o neng a tshwanetse go nna fela jaaka bomorwa-rraagwe mo dilong tsotlhe gore a nne kutlwelo-botlhoko, a nne moperesiti yo mogolo yo o ikanyegang mo dilong tse di lebanyeng Modimo, a tle a batlele batho boitshwarelo jwa dibe. Gonne e re ka a bogile ka esi ka go raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang. Ka ntlha ya moo, lona ba ga etsho, ba lo itshepileng, ba lo leng baabelwi ba pitso ya legodimo, elang Jesu tlhoko, Morongwi le Moperesiti yo mogolo wa maipolelo a rona, yo o neng a le boikanyo mo go ona o o mo dirileng, jaaka le ene Moše a ne a le boikanyo mo ntlong yotlhe ya ona. Gonne yoo o kailwe a tshwanetswe ke kgalalelo e kgolo go feta Moše, fela jaaka ene yo o agileng ntlo a na le tlotlo e kgolo go feta ntlo. Gonne ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke motho, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo. Le gale Moše o ne a le boikanyo mo ntlong yotlhe ya ona jaaka modiredi, gore a supe ka ga dilo tse di tla bolelwang, mme Keresete o boikanyo jaaka Morwa yo o okametseng ntlo ya ona o ntlo ya ona e leng rona, fa e le gore re tshegeditse phuthologo ya maikutlo le poko ya tsholofelo ka tlhomamo go ya bokhutlong. Ka moo utlwang ka fa Mowa o o Boitshepo o buang ka teng o re: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona, se thatafatseng dipelo tsa lona jaaka mo kgakatsegong ka letsatsi la thaelo kwa sekakeng, kwa borraeno ba nthaetseng teng mo tekong, ba ntse ba bonye ditiro tsa me dinyaga di le 40. Ke ka moo ke neng ka galefela losika loo ka re: ‘Ba timela ka gale ka dipelo; mme ga ba a ka ba lemoga ditsela tsa me,’ mo ke bileng ka ikana ka bogale jwa me ka re: ‘Ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa me!’ ” Bakaulengwe, tlhokomelang gore go se nne ope wa lona yo o pelo e bosula e e sa dumeleng ka go tenegela o o tshelang. Mme kgothatsanyang ka letsatsi lengwe le lengwe, go sa ntse go twe: “kajeno!” gore go se nne ope wa lona yo o thatafadiwang ka tsietso ya boleo. Gonne re diregile ba ba nang le seabe mo go Keresete, fa re tshegeditse boikanyo jwa ntlha ka tlhomamo go ya bokhutlong. Fa go twe: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona, se thatafatseng dipelo tsa lona jaaka mo kgakatsegong!” Kana ke bomang ba ba neng ba utlwa, ba be ba gakatsa Modimo? A ga se botlhe ba ba neng ba huduga kwa Egepeto ka Moše? Mme ke bafe ba o ba galefetseng dinyaga di le 40? A ga se ba ba neng ba leofile, ba direpa tsa bona di neng tsa namalala kwa sekakeng? Mme ba o ba ikanetseng gore ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa ona ke bafe, fa e se ba ba neng ba gana go utlwa? Mme re bona, fa ba paletswe ke go tsena ka ntlha ya go sa dumeleng. Jaanong he, e re ka tsholofetso ya go tsena mo boikhutsong jwa ona e sa ntse e le teng, a re boifeng e se re gongwe ga bonala mongwe wa lona a setse kwa morago. Gonne le rona Efangele re e reretswe fela jaaka bale; mme lefoko la thero bale ga le a ka la ba thusa sepe, ka le se ka la tsholwa ka tumelo ke ba ba le utlwileng. Gonne rona ba re dumetseng re tsena mo boikhutsong, jaaka o buile wa re: “Ka moo ka ikana ka bogale jwa me ka re: ‘Ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa me!’ ” le fa ditiro di sa le di fediwa ka tlholego ya lefatshe. Gonne mo felong gongwe o buile jaana ka ga letsatsi la bosupa wa re: “Modimo o ne wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa o sena go fetsa ditiro tsotlhe tsa ona.” Mme fale go bile go twe: “Ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa me.” Jaanong e re ka go lebeletswe gore bangwe ba tla tsena mo go jona, mme ba ba reretsweng Efangele pele ba se ka ba tsena ka ntlha ya go se utlwe, o baya letsatsi le lengwe gape, e bong la “kajeno,” ka go bua ka Dafita morago ga sebaka se se kalo, jaaka pele go tilwe wa re: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona, se thatafatseng dipelo tsa lona!” Gonne fa Jošua a ka bo a ba isitse boikhutsong, Modimo o ka bo o se ka wa tlhola o bua morago ka ga letsatsi le lengwe. Ke gona ka moo boikhutso jwa Sabata bo sa saletseng batho ba Modimo. Gonne yo o tsenyeng mo boikhutsong jwa gagwe le ene o ikhutsa a khutlisitse ditiro tsa gagwe jaaka Modimo o ne wa ikhutsa o feditse tsa ona. Jaanong he, a re tlhoafaleleng go tsena mo boikhutsong joo gore go se nne ope yo o welang mo tseleng ya bale ya go gana go utlwa. Gonne Lefoko la Modimo le a tshela, le a dira, le bogale go feta tšhaka nngwe le nngwe e e magale mabedi; le a phololela, le be le kgaoganye botshelo le mowa le malokololo le moko, le atlhole dikakanyo le maikutlo a pelo. Ga go na sebopiwa sepe se se fitlhegileng fa pele ga ona, mme dilo tsotlhe di bipologile, tsa senoga mo matlhong a ona o re nang le go ikarabela fa pele ga ona. E re ka jaanong re na le moperesiti yo mogolo bogolo yo o raletseng magodimo, e bong Jesu, Morwa Modimo, a re ngangatleleng boipolelo jwa tumelo ya rona. Gonne moperesiti yo mogolo wa rona ga se yo o palelwang ke go utlwela makoa a rona botlhoko, mme re na le yo o neng a raelwa mo dilong tsotlhe fela jaaka rona, mme a se ka a leofa. Ka moo he, a re atameleng sedulo sa bogosi sa bopelotlhomogi ka dipelo tse di phuthologileng gore re tle re amogele kutlwelo-botlhoko, re bone boitshwarelo, re tle re thusiwe ka nako ya teng. Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe yo o ntshiwang mo bathong o tlhomamisediwa batho go ba thusa mo ditirelong tsa Modimo gore a tsise dineo le ditlhabelo ka ntlha ya maleo, e le yo o ka utlwelang ba ba sa itseng le ba ba timetseng botlhoko, ka gonne le ene ka esi o kgomaretswe ke bokoa. Mme ka ntlha ya jona o tshwanetse go itsisetsa ditlhabelo fela jaaka a tlhabela batho ka ntlha ya maleo. Mme ga go ope yo o itseelang tlotlo ya boperesiti, mme ke ka go bidiwa ke Modimo, fela jaaka Arone. Le ene Keresete jalo ga a a ka a itseela tlotlo ya go nna moperesiti yo mogolo, mme o e filwe ke o o mo reileng wa re: “O Morwaake, ke go tsetse gompieno;” jaaka le go gongwe o buile wa re: “O moperesiti ka bosakhutleng ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke.” Ke ene yo, mo malatsing a nama ya gagwe o isitseng merapelo le mekokotlelo ka selelo se se thata le ka dikeledi kwa go ona o o nonofileng go mo golola mo losong, mme a utlwiwa, a gololwa mo poifong. Le fa a ne a le Morwa Modimo, a ithuta kutlo ka tse o di bogileng. Mme e rile a sena go fitlha maemong a a tletseng, a nna mosimolodi wa pholoso e e sa khutleng wa botlhe ba ba mo utlwang, mme Modimo wa mmitsa Moperesiti yo mogolo ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke. Golo fa re na le tse dintsi go di bua, mme go thata go ka di lo tlhalosetsa, ka lo thibetse ditsebe. Gonne fa go lekanngwa sebaka, lo ne lo tshwanetswe lwa bo lo setse lo le baruti; mme go sa ntse go batlega gape gore lo rutiwe ditlhaka tsa ntlha tsa Lefoko la Modimo; ee, lo boetse lo tshwanetswe ke lebese, e seng dijo tse di loileng. Gonne mongwe le mongwe yo o sa ntseng a phela ka lebese, ga a ise a tlhalefele lefoko le le tletseng la tshiamo, ka a sa le lesea fela. Mme dijo tse di loileng ke tsa ba ba godileng, ba ba nang le maikutlo a a tlwaeditsweng go ka farologanya tse di molemo le tse di bosula. Ka ntlha ya moo a re feteng thuto ya pele ka ga Keresete, re fetele pele kwa maemong a a tletseng, re se ka ra ba ra thaya motheo gape wa go ikwatlhaela ditiro tse di suleng, wa go dumela mo Modimong, wa thuto ya dikolobetso le ya go baya diatla le ya tsogo ya baswi le ya katlholo e e sa khutleng. Re tla dira jalo, fa Modimo o ka re letlelela. Gonne go pala mo go ba ba kileng ba sedimosediwa, ba utlwa monate wa neo ya legodimo, ba abelwa Mowa o o Boitshepo, ba utlwa monate wa Lefoko le le molemo la Modimo le wa dithata tsa lefatshe le le tlang, mme ba tloga ba tenega, go a pala go ba ntšhwafatsa gore ba tlhabologe gape, ka ba bapola Morwa Modimo gape ka bobone, ba mo dira nyatsego mo ponatshegong. Gonne lefatshe le le nwang pula e e le nang gantsi, le le ungwelang bone ba ba le lemelang dijwalo tse di thusang, lone le bona lesego mo Modimong. Mme fa le ungwa mesu le ditshetlho, le a bo le sa thuse sepe, le le gaufi le go hutsiwa, mo bofelelo jwa gona e leng go fisiwa. Mme le fa re bua jalo, baratwi, re dumela tse di gaisang moo ka tlhomamo ntlheng ya lona, e bong tse di isang phologong. Gonne Modimo ga o tshiamololo go ka lebala tiro ya lona, le lorato lo lo lo supileng ka ntlha ya leina la ona, ka lo diretse baitshepi, mme lo sa ntse lo ba direla. Mme re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a supe tlhoafalo e e ntseng jalo gore a bone tsholofelo e e tletseng go ya bokhutlong, gore lo se tshwakgafale, mme lo nne baetsi ba bone ba tse ba di solofeditsweng ba di ruang boswa ka tumelo le ka bopelotelele. Gonne e rile Modimo o neela Aborahame tsholofetso, ya re ka o se na ope yo mogolo go ona go ka ikana ka ene, wa ikana ka ona ka osi wa re: “Ammaaruri, ke tla go tshegofatsa thata, ke go atisa gagolo.” Jaanong ya re a sena go leta jalo ka bopelotelele, a amogela tse a di solofeditsweng. Gonne batho ba a tle ba ikane ka yo mogolo go bone, mme ikano ke tlhomamiso e e khutlisang kganetso yotlhe mo go bone. Ke ka moo e rileng Modimo o rata gagolo go supetsa baja-boswa ba tse di solofeditsweng bosafetogeng jwa boikaelelo jwa ona, wa di tiisa ka maikano; e le gore ka dilo tse pedi tse di sa ka keng tsa fetoga, tse Modimo o sa ka keng wa aka ka gope ka tsona, rona ba re falotseng mo lefatsheng re tle re nne le kgomotso e kgolo, re itshwarelele ka tsholofelo e e beilweng fa pele ga rona, e re nang nayo jaaka seitsetsepelo sa mowa se se tlhomameng, se se sa tshikinyegeng, mme se tsena ka kwa teng ga lesire, kwa Jesu, moeteledipele, a tsenyeng teng ka ntlha ya rona, ene yo o diregileng Moperesiti yo mogolo ka bosakhutleng ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke. Gonne Melegi-Seteke yoo e ne e le kgosi ya Salema le moperesiti wa Modimo o o godimodimo; o kile a kgatlhantsha Aborahame, jale fa a boa a tswa go fenya dikgosi, a mo tshegofatsa. Ke ene yo Aborahame o bileng a mo abela bosome jwa dilo tsotlhe; ga ntlha e ne e le “Kgosi ya tshiamo”, fa go fetolwa leina; e bile e le kgosi ya Salema, ke go re: “Kgosi ya kagiso”, a se na rraagwe, a se na mmaagwe, a sa balelwe mo losikeng lope, a se na tshimologo ya malatsi, le fa e le bokhutlo jwa bophelo, mme a dirilwe gore a tshwane le Morwa Modimo, o ntse a le moperesiti ka gale. Elang tlhoko tlhe gore ene yoo o mogolo jang, yo Aborahame, rraetsho mogolwagolwane o mo ntsheditseng bosome jwa thopo! Boora Lefi ba ba amogelang boperesiti ba na le taolo ka fa molaong go ntshisa morafe karolo ya lesome, ke go re, ba ga bone, le fa le bone ba dule mo lethekeng la ga Aborahame. Mme ene yo e seng wa losika lwa bone, o amogetse karolo ya lesome mo go Aborahame, mme a tshegofatsa ene yo o nang a na le ditsholofetso. Kana yo mmotlana o tshegofadiwa ke yo mogolo; moo ga go na kganetso epe. E bile fano batho ba ba swang ba amogela dikarolo tsa lesome, mme jale e ne e le mongwe yo go supiwang ka ga gagwe gore o a tshela. Ee, go ka twe, le ene Lefi tota yo o amogelang bosome, o kile a ntsha bosome ka Aborahame; gonne le fa a ne a ise a tsalwe, o ne a le mo lethekeng la ga rraagwe, fa Melegi-Seteke a mo kgatlhantsha. Jaanong he, fa ka boperesiti jwa Balefi go ka bo go ne go le botlalo jo batho ba amogetseng molao ka ntlha ya jona, go ne go sa ntse go batlegelang gore go tsoge moperesiti o sele ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke, yo o sa bidiweng ka fa mokgweng wa ga Arone? Gonne fa boperesiti bo fetolwa, molao le ona o tshwanetse go fetolwa. Ene yo dilo tseo di buiwang ka ga gagwe, e ne e le wa lotso lo sele, lo go iseng go ke go nne motho ope wa lone, yo o neng a direla aletare. Gonne go a itsege, fa Morena wa rona a dule mo go Juta, lotso lo Moše o se kang a bua sepe le lone ka ga boperesiti. Mme seo se bonatsega bogolo thata, fa go tsoga moperesiti yo mongwe ka fa tshwanong ya ga Melegi-Seteke yo o sa bewang ka fa molaong wa taolo ya nama, mme a beilwe ka fa nonofong ya bophelo jo bo sa nyeleleng. Gonne go supilwe ka ga gagwe ga twe: “Ò moperesiti ka bosakhutleng ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke.” Gonne go dirololwa taolo ya pele ka ntlha ya bokoa jwa yona le go sa thuseng sepe ga yona. – Gonne molao ga o a ka wa isa sepe kwa botlalong. – Mme go tsisiwa tsholofelo e e gaisang, e re atamelang Modimo ka yona. Mme e re ka go sa direga kwa ntle ga ikano – gonne bale ba ne ba diregile baperesiti kwa ntle ga ikano, mme yoo o diregile moperesiti ka go ikana ga yo o mo reileng a re: “Morena o ikanne, mme ga a kitla a ikwatlhaya, a re: ‘Ò moperesiti ka bosakhutleng.’ ” Ka moo Jesu o diregile moemedi wa kgolagano e e gaisang. E bile bale ba ne ba tswa baperesiti ka bontsi, ka ba palelwa ke go nnela ruri mo tirong ka ntlha ya loso. Mme ene yoo, ka a nna ka bosakhutleng, o na le boperesiti jo bo sa fetogeng. Ke gona ka moo o nonofileng go pholosa ka botlalo ba ba atamelang Modimo ka ene, ka a phela ka gale go ba rapelela. Gonne moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo o ne a batlega mo go rona, yo o boitshepo, a se na bosula, a se na sebala, a kgaogantswe le baleofi, a tlhatloga go feta magodimo; go ne go sa batlege mo go ene gore a ise ditlhabelo ka letsatsi lengwe le lengwe ka ntlha ya dibe tsa gagwe pele, mme morago ka ntlha ya dibe tsa batho jaaka baperesiti ba bagolo bale; ka gobane seo o se diretse ruri gangwe fela, jale fa a itira setlhabelo. Gonne molao o tlhoma batho ba ba nang le makoa go nna baperesiti ba bagolo; mme lefoko la ikano le le builweng morago ga molao, lone le tlhoma Morwa Modimo yo o leng botlalo ka bosakhutleng. Mme se segolo sa tse di buiwang fano ke se: Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, yo o neng a ya go nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Borena kwa magodimong; e le modiredi wa Felo-ga-Boitshepo, wa Taberenakele ya nnete, e Morena o e tlhomileng, e seng motho. Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe o tlhongwa gore a supele dineo le ditlhabelo; ka moo go ne go batlega gore le ene Jesu a nne le sengwe se a ka se ntshetsang Modimo. Mme jaanong fa a ka bo a le mo lefatsheng, a ka bo a se moperesiti, ka gonne ba ba supelang dineo ka fa molaong ba teng, ke ba ba direlang setshwantsho, e bong moriti wa tse di kwa legodimong, jaaka Moše a laetswe ke Modimo, fa a tla aga Taberenakele. Gonne o rile: “Ela tlhoko gore o dire dilo tsotlhe ka fa setshwantshong se o se bontshitsweng mo thabeng.” Mme jaanong Jesu o amogetse tirelo e e gaisang ya pele fela jaaka a le moruanyi wa kgolagano e le yona e e phalang ya pele, e e tlhomamisitsweng mo motheong wa dipolelelopele tse di molemo bogolo. Gonne fa kgolagano ele ya ntlha e ka bo e se na nyatsego epe, go ka bo go sa batlelwa ya bobedi bonno. Gonne o a ba nyatsa o re: “Bonang, malatsi a e tla, go bua Morena, a ke tla dirang kgolagano e ntšhwa le Baiseraele le Bajuta ka ona, e seng kgolagano e e tshwanang le e nkileng ka e dira le borraabo ka letsatsi le ke ne ke ba tshwere mabogong ka lone go ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ga ba a ka ba nna mo kgolaganong ya me, le nna ka ba tlhokomologa, go bua Morena. Kana kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya melao ya me mo maikutlong a bone, ke e kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me. Morena a re jalo. Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Itse Morena!’ gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone. Gonne ke tla itshwarela ditshiamololo tsa bone, mme maleo a bone le ditlolo tsa bone ga nke ke tlhola ke di gopola ka gope.” Fa o bua o re: “Kgolagano e ntšhwa,” ke go re, ya pele o e dirile e kgologolo. Mme se se nnang segologolo, se se onalang, se gaufi le go nyelela. Mme jaanong le yona kgolagano ya ntlha e ne e na le dithulaganyo tsa tirelo-Modimo le Felo-ga-Boitshepo ga lefatshe. Gonne go ne go tlhongwa Tempelana: Go le karolo ya botlhabatsatsi e go neng go le setlhomo sa lobone le tafole le dinkgwe tsa tshupo mo go yona e e bidiwang Felo-ga-Boitshepo; mme fa morago ga lesire la bobedi go le Tempelana e e bidiwang Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo; mo go neng go na le aletare ya maswalo ya gouta le Letlole la Kgolagano le le manegilweng gouta gotlhe, le mo go lone go neng go le nkgwana ya gouta e e nang le Mmana le thobane ya ga Arone e e kileng ya tlhoga, le matlapa a kgolagano. Kwa godimo ga lone go ne go le boKerubime ba kgalalelo, ba okame sekhurumelo sa thuanyo; mme ga go ka ke ga buiwa ka ga sengwe le sengwe sa dilo tseo jaanong. Mme e rile dilo tseo di sena go baakanngwa jalo, baperesiti ba nna ba tsena ka gale mo Felong-ga-Boitshepo, e le go dirafatsa tsa tirelo-Modimo, mme mo Felong ga bobedi go tsena moperesiti yo mogolo a le esi fela gangwe ka ngwaga, e se kwa ntle ga madi a o a isang teng ka ntlha ya maleo a gagwe le a batho a a dirilweng ka go sa itemoge. Ka tseo Mowa o o Boitshepo o ne o supa gore tsela e e yang kwa Felong-ga-Boitshepo e ne e ise e bonatsege, fa Taberenakele ya ntlha e sa ntse e le teng, e e leng sekao se se lebileng sebaka seno, e ka fa mokgweng wa yona go isiwang dineo le ditlhabelo teng tse di sa ka keng tsa dira gore modiredi a nne yo o tletseng ka fa segakoloding. Kana ke dithulaganyo tsa nama fela ka ga dijo le dino le ditlhapiso tsa mefutafuta, tse di beilweng fela go ya go fitlha sebakeng sa tlhabololo. Mme Keresete o tsile go nna moperesiti yo mogolo wa masego a a tla tlang, a ralala Felo-ga-Boitshepo fa go gaisang ga pele ka bogolo le botlalo, fa go sa dirwang ka diatla, ke go re, fa e seng ga tlholego eno. Le gona, ga a a tsena ka madi a diphoko le a dinamane, mme o tsenye ka madi a e leng a gagwe gangwe fela mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo, a dira kgololo e e sa khutleng. Gonne fa madi a diphoko le a dipoo le molora wa namane ya moroba o o gasiwang mo go ba ba kgotlelegileng, di ba itshepisa gore ba nne phepa mo mmeleng, madi a ga Keresete yo o ineetseng Modimo ka Mowa o o sa khutleng go nna setlhabelo se se se nang bogole, ona a tla phepafatsa bogolo jang ne digakolodi tsa rona go tswa ditirong tse di suleng gore re direle Modimo o o tshelang! Ke ka ntlha ya moo Keresete e leng Moruanyi wa kgolagano e ntšhwa gore bone ba ba biditsweng ba amogele boswa jo bo sa feleng, jo bo boleletsweng pele, loso lwa gagwe lo sena go dirafala go nna kgololo ya ditlolo tsa sebaka sa kgolagano ya ntlha. Gonne kwa lokwalo lwa boswa lo leng teng, loso lwa yo o lo kwadileng lo tshwanetse lwa supiwa. Kana lokwalo lwa boswa lo amogela thata ka loso, ka lo sa ka ke lwa nna le thata ka gope, fa yo o lo dirileng a sa ntse a tshela. Ka ntlha ya moo kgolagano ya pele le yona ga e a ka ya kgakolwa kwa ntle ga madi. Gonne e rile taolo nngwe le nngwe e sena go bolelelwa morafe otlhe ke Moše ka fa molaong, a tsaya madi a dinamane le a diphoko mmogo le metsi le boboa jo bohibidu le mosiama, a ba a kgatsha lokwalo ka losi le morafe otlhe ka tsona, a re: “Ke ona madi a kgolagano e Modimo o e lo laetseng.” Le yona Taberenakele le didiri tsotlhe tsa tirelo-Modimo a di kgatsha fela jalo ka madi. Dilo tse di phepafadiwang ka madi ka fa molaong e batlile go nna tsotlhe, mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo bope. Jaanong go ne go batlega gore ditshwantsho tsa dilo tse di kwa legodimong di phepafadiwe ka ditlhabelo tseo, mme dilo tsa legodimo ka tsosi tsone ka ditlhabelo tse di phalang tsele. Gonne Keresete ga a ka a tsena mo Felong-ga-Boitshepo fa go dirilweng ka diatla, fa e leng setshwantsho fela sa felo ga boammaaruri, mme o tsenye mo legodimong tota gore jaanong a bonale fa pele ga sefatlhego sa Modimo ka ntlha ya rona. Le gona e ne e se gore a itire setlhabelo gantsi, jaaka moperesiti yo mogolo a tsena mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo ka ngwaga le ngwaga ka madi a e seng a gagwe. Gonne foo o ka bo a ne a na le go boga gantsi go tswa tlholegong ya lefatshe. Mme jaanong o bonetse gangwe fela mo bokhutlong jwa metlha gore a tlose boleo ka go itira setlhabelo. Mme go tla dirafala jaaka batho ba beetswe go swa gangwe fela, mme go tla katlholo morago ga moo: Keresete le ene yo o dirilweng setlhabelo gangwe fela gore a tlose maleo a ba bantsi, o tla bonala la bobedi, e se ka ntlha ya boleo mo go bone ba ba mo lebeletseng go ba isa phologong. Gonne e re ka molao o na le moriti fela wa dilo tse di molemo tse di tla tlang, e seng tsona tota, ga o ka ke wa dira ka gope, gore ba ba atamelang ba nne ba ba tletseng ka ditlhabelo tse di tshwanang tsa ngwaga le ngwaga tse ba ntseng ba di isa ka gale. Go seng jalo, a ga ke re, ditlhabelo di ka bo di sa bolo go khutla go isiwa, fa batho ba sena go phepafadiwa gangwe fela? – ka gonne ba ba di direlang Modimo ba ka bo ba sa tlhole ba na le letswalo la dibe. Mme go ne go gopodiwa maleo ka tsona ka ngwaga le ngwaga. Gonne go a pala gore madi a dipoo le a diphoko a tlose maleo. Ke ka moo e rileng a tla mo lefatsheng, a bua a re: “Setlhabelo le tshupelo ò di ganne, mme ò mpaakanyeditse mmele. Ditlhabelo tsa phiso le tsa boleo ga di a go natefela. Foo ke ne ka re: ‘Bona, ke tsile’ – go kwadilwe ka ga me mo Lokwalong – ‘go dira thato ya gago, Modimo.’ ” Pele o rile: “Ditlhabelo le ditshupelo le ditlhabelo tsa phiso le tsa boleo tse di tsisiwang ka fa molaong o di ganne, le gona ga di a go natefela.” Ya baa gona a reng: “Bona, ke tsile go dira thato ya gago.” Ka go re jalo o dirolola sa pele gore a tlhomamise sa bobedi. Ke ka yona thato eo re itshepiseditsweng ruri ka setlhabelo sa mmele wa ga Jesu Keresete. Le gale moperesiti mongwe le mongwe o eme ka letsatsi lengwe le lengwe, a dira tsa tirelo-Modimo, a isa ditlhabelo tse di tshwanang gantsi, tse di sa kgoneng ka gope go tlosa maleo. Mme ene Jesu, e rile a sena go isetsa maleo setlhabelo se le sengwe, a ya go nnela ruri ka fa letsogong le le jang la Modimo, a ntse a letetse gore baba ba gagwe ba be ba dirwe sebeo sa dinao tsa gagwe. Gonne ba ba itshepisiwang o ba dirile ba ba botlalo ka bosakhutleng ka setlhabelo se le sengwe fela. Mme le Mowa o o Boitshepo o re supetsa jalo; gonne e rile Morena a sena go bua a re: “Kgolagano e ke tla e dirang nabo morago ga malatsi ano ke e, “Morena a ba a re: “Ke tla tsenya melao ya me mo dipelong tsa bone, ke e kwala mo maikutlong a bone; mme dibe tsa bone le ditshiamololo tsa bone ga nkitla ke tlhola ke di gopola.” Mme jaanong kwa boitshwarelo jwa tsona bo leng teng, ga go tlhole go le setlhabelo ka ntlha ya boleo. Jaanong he, ba ga etsho, e re ka re na le phuthologo ka madi a ga Jesu go ka tsena mo Felong-ga-Boitshepo ka tsela e ntšhwa e e phelang e o e re buletseng go ka ralala lesire, ke go re, ka nama ya gagwe; e re ka re bile re na le moperesiti yo mogolo yo o okameng Ntlo ya Modimo: A re atameleng he ka dipelo tsa boammaaruri, re na le tumelo e e tletseng, re kgatshitswe dipelo, go tlositswe matswalo, re bile re tlhapisitswe mebele ka metsi a a phepa. A re kgomareleng boipolelo jwa tsholofelo, re se tshikinyege; gonne ene o boikanyo yo o re solofeditseng. A re elaneng tlhoko gore re tlhotlheletsanye mo loratong le ditirong tse di molemo, re se tlogele go phuthega ga rona, jaaka bangwe ba tlwaetse, mme re kaelane, bogolo thata ka lo bona letsatsi le ntse le atamela. Gonne fa re leofa ka bomo, re sena go amogela kitso ya boammaaruri, go tla bo go sa tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo, fa e se tebelelo e e boitshegang ya katlholo le bogale jwa molelo o o tla lailang baganetsi. Fa mongwe a latlhile molao wa ga Moše, o swa ka basupi ba babedi gongwe ba bararo, a sa utlwelwe botlhoko. Jaanong akanyang he gore ene yo o gatileng Morwa Modimo ka dinao, a kaya madi a kgolagano a o itshepisitsweng ka one dinyana, a sotla Mowa wa bopelotlhomogi: Ene o tla kaiwa a tshwanetswe ke petso e kgolo bogolo jang ne! Gonne re itse yo o buileng a re: “Pusoloso ke ya me, ke tla busolosa;” a ba a re: “Morena o tla atlhola batho ba gagwe.” Ke se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshelang. Mme gakologelwang malatsi a pele, a e rileng lo sena go sedifadiwa, lwa itshokela kampano e kgolo ya dipogo ka ona; ntlha nngwe e le ka go dirwa sebogelwa ka ditshotlo le dipitlagano, mme ntlheng e nngwe e le ka go nna balekane ba bone ba ba tshelang mo go tse di ntseng jalo. Kana ba ba golegilweng lo ba tlhomogetse pelo, mme go amogwa dithoto tsa lona lwa go itshokela ka boitumelo, ka lo itse gore lona lo na le khumo kwa legodimong e e gaisang tsa lefatshe e e nnelang ruri. Ka moo he, se latlheng boikanyo jwa lona jo bo nang le tuelo e kgolo! Gonne boitshoko bo lo tshwanetse, e tle e re lo sena go dirafatsa thato ya Modimo, lo amogele se se solofeditsweng. Gonne go a twe: “Go sa ntse go le sebakanyana se sekhutshwanyane, mme yo o tshwanetseng go tla, o tla tla, a sa diege. Mme mosiami wa me o tla tshela ka tumelo; mme fa a ka ikepa, mowa wa me ga o ne o mo itumelela.” Mme rona ga re ba boikepo jo bo isang tatlhegong, re ba tumelo e e isang phologong ya botshelo. Jaanong tumelo ke go ikanya dilo tse di solofelwang le go tlhomamisa dilo tse di sa bonweng. Gonne ba bogologolo ba bonye tshupo ka ntlha ya yona. Ke ka tumelo re tlhaloganyang gore lefatshe le dirilwe ka Lefoko la Modimo; ke go re, dilo tse di bonwang ga di a ka tsa dirwa ka dilo tse di bonalang. Ke ka tumelo Abele a ntsheditseng Modimo setlhabelo se se gaisang sa ga Kaine, mme ka yona a newa tshupo ya gore o siame, ka Modimo o ne wa supa ka ga dineo tsa gagwe; mme le fa a sule, o sa ntse a bua ka yona. Ke ka tumelo Henoge a tlositsweng gore a se bone loso; mme a se ke a bonwa, ka Modimo o ne o mo tlositse; mme e rile pele a ise a tlosiwe, a newa tshupo ya gore o kgatlhile Modimo. Mme ga go kgonege go o kgatlha kwa ntle ga tumelo; gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o teng le gore ke ona moduedi wa ba ba o batlang. Ke ka tumelo, fa Noa a ne a dira areka ka poifo-Modimo go pholosa ba lapa la gagwe, a sena go laelwa ke Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonwe; ke ka yona a atlhotseng lefatshe, a nna morua-boswa wa tshiamo e e leng ka fa tumelong. Ke ka tumelo Aborahame a neng a utlwa, jale fa a bidiwa go hudugela kwa lefatsheng le o tla le ruang go nna boswa, mme a huduga, a sa itse kwa a yang teng. Ke ka tumelo, fa a ne a ya go jaka kwa lefatsheng le a le solofeditsweng, e ise e nne la gagwe, a nna mo ditenteng, a na le Isaka le Jakobe, barua-boswa nae ba yona tsholofetso eo; gonne o ne a lebeletse motse o o nang le metheo, o morulaganyi le moagi wa ona e leng Modimo. Ke ka tumelo, fa Sara a ne a newa thata ya go ka nna moimana, mme a belega a fetilwe ke dinyaga tsa teng, ka a ne a o ikanya o o mo solofeditseng jalo. Mme ke ka moo go duleng bontsi mo go a le mongwe fela, yo e bileng a le mmele o o suleng, e le bontsi jo bo tshwanang le dinaledi tsa legodimo, le mošawa o o fa losing lwa lewatle, o o sa ka keng wa balwa. Botlhe bao ba swetse mo tumelong, ba ise ba amogele tse ba di solofeditsweng, mme ba di bonetse kgakala, ba be ba di itumelela; e bile ba ipolela gore ke baeng le baeti mo lefatsheng. Gonne ba ba buang jalo ba supa gore ba batla legae. Mme kana fa ba ka bo ba ne ba raya lele le ba duleng mo go lone, ba ka bo ba bonye sebaka sa go boa. Mme jaanong ba eletsa le le molemo bogolo, e bong la legodimo. Ke ka moo Modimo o sa ba tlhabelweng ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone; gonne o ba baakanyeditse motse. Ke ka tumelo Aborahame a neng a ntsha Isaka setlhabelo, fa a lekwa; ene yo o ne a amogetse ditsholofetso, a isa motsalwa-nosi tlhabong; ene yo o boleletsweng ga twe: “Losika lwa gago lo tla bidiwa ka Isaka;” ka a gopotse gore Modimo o nonofile go ka tsosa le mo baswing; ke ka moo a mo amogetseng gape go nna sekao sa tsogo. Ke ka tumelo, fa le ene Isaka a ne a tshegofatsa Jakobe le Esau a lebile tse di tlang. Ke ka tumelo Jakobe e rileng a swa, a tshegofatsa bomorwa Josefa ka bobedi, a obamela Modimo a itshegeditse ka tlhogo ya thobane ya gagwe. Ke ka tumelo Josefa e rileng a swa, a gopola khudugo ya Baiseraele, a laela ka ga marapo a gagwe. Ke ka tumelo, fa Moše a ne a fitlhwa ke bagolo ba gagwe dikgwedi di le tharo, a sena go tsalwa, ka ba bona gore ke ngwana yo montle, mme ba se ka ba boifa taolo ya kgosi. Ke ka tumelo Moše e rileng a sena go gola, a gana go bidiwa morwa morwadia Farao, ka a ne a itlhophela go bogisiwa mmogo le morafe wa Modimo, bogolo go go ja monate wa boleo ka sebakanyana, ka a kaya gore kgobo ya ga Keresete ke khumo e kgolo go feta mahumo a Egepeto; gonne o ne a lebile tuelo. Ke ka tumelo a tlogetseng Egepeto, a sa boife bogale jwa kgosi; gonne o ne a itshwarelela ka yo o sa bonweng jaaka e kete o a mmona. Ke ka tumelo, fa a ne a baakanya Tlolaganyo le tshaso ya madi gore mmolai wa batsalwapele a se ka a ba ama. Ke ka tumelo ba kgabagantseng Lewatle le Lehibidu, jaaka e kete ke lefatshe le le omileng; ya re Baegepeto ba leka jalo, ba nwela. Ke ka tumelo, fa dipota tsa Jerigo di ne tsa wa, di sena go dikologwa malatsi a supa. Ke ka tumelo Rahabe wa seaka a se kang a bolawa mmogo le ba ba ganneng go utlwa, ka a ne a amogela batlhodi ka kagiso. Mme ke sa ntse ke ka bua eng? Ke ne ke ka tlhaelelwa ke sebaka, fa nka bolela ka ga Giteone le Barake le Simesone le Ifetha le Dafita le Samuele le baporofeti ba ba fentseng magosi ka tumelo, ba dirafatsa tshiamo, ba amogela tse ba di solofeditsweng, ba thiba magano a ditau, ba tima bogale jwa molelo, ba falola mo bogaleng jwa tšhaka, ba thatafala mo bokoeng, ba nna bogale mo tlhabanong, ba fenya mephato ya merafe e sele. Basadi ba busediwa baswi ba bone ka go tsosiwa; ba bangwe ba bogisiwa, ba sa amogele kgololo, e le gore ba tle ba bone tsogo e e molemo bogolo. Ba bangwe ba boga ditshotlo le dipetso, ba be ba golegwa, ba tsenngwa dikgolegelong. Ba kgobotlediwa ka majwe, ba raelwa, ba segaganngwa, ba bolawa ka tšhaka, ba kgarakgatshega, ba apere matlalo a dinku le a dipodi, ba tlhoka, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula; e le batho ba lefatshe le sa tshwanelwang ke go nna le bone, ba kgarakgatshega kwa dikakeng le kwa dithabeng le mo dikgageng le mo dikgophung tsa naga. Mme botlhe bao, le fa ba amogetse tshupo ka tumelo, ga ba a ka ba bona tse ba di solofeditsweng, ka Modimo o ne o re akanyeditse se se molemo bogolo gore ba se ka ba fitlha botlalong kwa ntle ga rona. Ka moo he, e re ka re dikanyeditswe ke lesomo le le kalokalo la basupi, a le rona re latlheng morwalo mongwe le mongwe, le boleo jo bo bonako go ka re rareetsa, mme re siane tshiano e e re lebanyeng ka tshwarelelo, re lebile Jesu, mosimolodi le mofetsi wa tumelo, yo o neng a itshokela sefapaano boemong jwa boitumelo jo bo mo lebanyeng, a nyatsa ditlhong, a ba a nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Modimo. Tlhokomelang ene yo o itshoketseng kganetso e e kalo ya baleofi gore lo se ka lwa lapa ka go ngodiega mo meweng. Gonne ga lo ise lo emelane le boleo gore go be go tshologe madi mo tlhabanong ya lona. E bile lo lebetse kaelo e e buang le lona jaaka bana e e reng: “Morwaaka, se kaye kwatlhao ya Morena se sennye, le gona o se ka wa kgobega marapo, fa a go kgalemela; gonne Morena o watlhaya yo a mo ratang, o itaya ngwana mongwe le mongwe yo a mo amogelang.” Fa lo itshokela go watlhaiwa, Modimo o lo tshola jaaka bana; gonne ke ngwana ofe yo rraagwe o sa mo watlhaeng? Mme fa lo sa bone kwatlhao e botlhe ba e bonang, lo tla bo lo le bana ba dikgora, e seng ba nnete. Gape re ne re na le borraetsho ka fa nameng ba ba re watlhaileng, mme ra ba ikobela; a ga re nke re ikokobeletsa Rara wa mewa bogolo, re tle re tshele? Gonne bone ba re watlhaile malatsinyana fela ka fa ba neng ba bona go tshwanetse ka teng, mme ene o re watlhaela molemo gore re tle re amogele boitshepo jwa gagwe. Le gale kwatlhao nngwe le nngwe, fa e dirafala, e a ne e kete ga e na boitumediso, mme ke tlhokofatso; mme morago gona e ungwele ba ba lailweng ka yona leungo le le agisang la tshiamo. Ka ntlha ya moo tiisang diatla tse di repileng le mangole a a kgwetlhang. Lo direle dinao tsa lona ditsela tse di tlhamaletseng gore setlhotsa se se ka sa relela, mme bogolo se alafege. Latelelang kagiso mo bathong botlhe le boitshepiso jo go seng ope yo o tla bonang Morena kwa ntle ga jona; lo ele tlhoko gore go se nne ope yo o diegelang bopelotlhomogi jwa Modimo, e se re gongwe modi o o galakang wa tlhoga, wa senya, mme batho ba bantsi ba kgotlelega ka ona. A go se nne ope yo e leng seaka kampo yo o sa itshekang jaaka Esau yo o bapaditseng botsalwapele jwa gagwe ka sejo se le sengwe fela. Kana lo a itse, fa e rile morago ga moo a eletsa go rua boswa jwa tshegofatso, a latlhwa; gonne ga a ka a kgona go ka fetola pelo, le fa a go batlile ka dikeledi. Gonne ga lo a tla fa thabeng e e ka angwang le e seng fa molelong o o tukang le e seng fa bontshong, le e seng fa lefifing le e seng fa ledimong, le e seng fa go leleng ga lonaka le e seng fa tumong ya mafoko e bautlwi ba yona ba kopileng gore ba se ka ba tlhola ba okelediwa lefoko lepe. Gonne ba ne ba retelelwa ke go itshokela se se laotsweng se se reng: “Tota le setshedi, fa se ka ama thaba eo, se be se na le go kgobotlediwa ka majwe gongwe go hulwa ka metswi.” Mme ponalo e ne e boitshega mo go kalo, fa Moše a bileng a re: “Ke tshogile, ke a roroma.” Mme lona lo tsile fa thabeng ya Sione, le mo motseng wa Modimo o o tshelang, e bong Jerusalema wa legodimo, le kwa masomosomong a baengele le kwa kgobokanong ya moletlo le mo phuthegong ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa magodimong, le fa Modimong, moatlhodi wa botlhe, le fa meweng ya basiami ba ba dirilweng botlalo, le fa go Jesu, motsereganyi wa kgolagano e ntšhwa, le fa mading a kgatsho a a buang go gaisa a ga Abele. Itiseng gore lo se ka lwa gana yo o buang. Gonne fa bale ba se ka ba falola, ba ba ganneng yo o ba laetseng mo lefatsheng, bogolo jang rona, fa re hularela yo o re laelang a le mo magodimong, yo lentswe la gagwe le kileng la tshikinya lefatshe, mme kajeno o boleletse pele a re: “Ke sa ntse ke tla roromisa gangwe gape, e seng lefatshe fela, mme le lone legodimo.” Mme lefoko le le reng: “Gangwe gape,” le supa phetolo ya tse di tshikinngwang, ka e le tse di dirilweng, gore go sale tse di sa tshikinyegeng. Ka moo, e re ka re amogela puso e e sa reketleng, a re nneng le tebogo, mme ka yona re direle Modimo ka mokgwa o o o natefelang ka tshisimogo le ka poifo. Gonne Modimo wa rona ke molelo o o nyeletsang. A lorato lwa go rata badumedi-ka-rona lo tlhomame. Se lebaleng go tshola baeng; gonne ka go dira jalo bangwe ba kile ba tshola baengele, ba sa itse. Gopolang ba ba golegilweng, jaaka e kete lo golegilwe nabo, le ba ba direlwang bosula lo ba gopoleng lo le batho ba ba nang le mebele jaaka bone. A nyalano e tlotliwe mo go botlhe, mme bolao bo se kgotlelwe; gonne Modimo o tla atlhola diaka le ba ba senyang nyalano. A tsamao ya lona e se nne ya go rata madi; itumeleleng tse lo nang natso; gonne o buile ka osi wa re: “Ga nka ke ka go tlhokomologa le e seng go go tlogela ka gope.” Ke ka moo re tiang moko re re: “Morena ke mothusi wa me, ga nkitla ke boifa; motho a ka ntirang?” Gopolang baruti ba lona ba ba lo boleletseng Lefoko la Modimo, elang bokhutlo jwa tsamao ya bone tlhoko, lo etse tumelo ya bone. Jesu Keresete o ntse a tshwana maabane le gompieno le ka bosakhutleng. Lo se ka lwa akgelwa kwa le kwa ke dithutothuto tsa seeng; gonne go molemo, fa pelo e tiisiwa ka bopelotlhomogi, e seng ka dijo tse di sa thuseng sepe bone ba ba neng ba phela ka fa melaong ya tsona. Re na le aletare e bone ba ba direlang Taberenakele ba sa letlelelwang go ja tsa yona. Gonne diphedi tse madi a tsona a isiwang ke moperesiti yo mogolo mo Felong-ga-Boitshepo ka ntlha ya maleo, ditoto tsa tsona di fisediwa kwa ntle ga bothibelelo ka molelo. Ke ka ntlha ya moo, fa le ene Jesu a bogile kwa ntle ga kgoro ya motse gore a itshepise batho ka madi a gagwe. Jalo he, a re tsweleng kwa go ene, kwa ntle ga bothibelelo, re sikare kgobo ya gagwe. Gonne mono ga re na motse wa tlhomamo, mme re batla o o tlang. Jalo he, a re isetseng Modimo ka gale tshupelo ya pako ka ene, e bong leungo la melomo e e ipolelang leina la gagwe. Mme go dira molemo le go atswana lo se ka lwa go lebala; gonne ditshupelo tse di ntseng jalo ke tse di kgatlhang Modimo. Utlwang baruti ba lona, lo ba ikokobeletse; gonne ba disitse mewa ya lona, e le ba ba tla ikarabelang, gore ba tle ba dire jalo ka boitumelo, e seng ka phegelo; gonne mo go ka bo go se molemo mo go lona. Lo re rapeleleng; gonne re ikaya gore re na le segakolodi se se molemo, ka re rata go tsamaya sentle mo go tsotlhe. Mme ke lo kgothatsa bogolo bogolo gore lo dire jalo gore ke tle ke busediwe koo go lona ka pele. Mme Modimo wa kagiso o o ntshitseng Jesu Morena wa rona mo baswing, yo e leng modisa yo mogolo wa dinku ka madi a kgolagano e e sa khutleng, a o lo nonotshe mo go sengwe le sengwe se se siameng gore lo dirafatse thato ya ona o o dirang mo go lona se se o kgatlhang ka Jesu Keresete; a kgalalelo e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen. Gape ke a lo rapela, ba ga etsho, ka re: A lo ke lo amogele lefoko leo la kgothatso; gonne ke lo kwaletse ka bokhutshwane. Itseng gore mokaulengwe wa rona Timotheo o golotswe; fa a ka tla ka bonako, ke tla tla nae koo go lo bona. Dumedisang bagogi botlhe ba lona le baitshepi botlhe. Ba e leng ba Italia ba a lo dumedisa. A bopelotlhomogi bo nne le lona lotlhe! Nna Jakobo, motlhanka wa Modimo le wa Morena Jesu Keresete, ke kwalela ditso tse di 12 tse di faletseng. Dumelang! Ba ga etsho, e re fa lo wela mo ditekong tsa mefutafuta, lo di kaye boitumelo fela, ka lo itse gore go lekwa ga tumelo ya lona go tsosa tlhomamo. Mme tlhomamo e tshwanetse go nna le tiro e e tletseng gore lo nne botlalo, lo itekanele, lo se tlhaele mo go sepe. Mme fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a bo kope mo Modimong o o nayang mongwe le mongwe ka boitumelo, o sa nyatse, mme o tla bo newa. Mme a a kope ka tumelo, a sa belaele sepe; gonne yo o belaelang o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo, le rutlarutlwa. Kana motho yoo a se ka a itlhoma gore o tla amogela sengwe mo Moreneng, ka e le monna yo o pelo-pedi yo o akgaakgegang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe. Mme mokaulengwe yo o kwa tlase a a ipoke ka bogolo jwa gagwe. Yo o humileng ene a a ipoke ka bobotlana jwa gagwe; gonne o tla nyelela jaaka sethunya sa bojang. Gonne e a re letsatsi le tlhaba ka mogote o o fisang, le swabise bojang, mme sethunya sa jona se tlhotlhorege, bontle jwa sebopego sa sona bo nyelele: Mohumi le ene o tla nyelela jalo mo metsamaong ya gagwe. Go sego monna yo o itshokelang diteko; gonne e tla re a sena go bonwa a fentse diteko, a amogele serwalo sa bophelo se Morena o se solofeditseng bone ba ba mo ratang. A go se nne ope yo e reng a raelwa a re: “Ke raelwa ke Modimo.” Gonne Modimo ga o ka ke wa raelwa ke bosula, mme ona ka osi ga o raele ope. Mme mongwe le mongwe o a raelwa, fa a gogwa gongwe a okwa ke keletso ya gagwe. Morago e re keletso e sena go nemera, e tsale boleo; boleo jone e re bo sena go tlala, bo tsale loso. Ba ga etsho ba ba rategang, lo se ka lwa timela! Neo nngwe le nngwe e e molemo le mpho nngwe le nngwe e e tletseng e tswa kwa godimo, e fologa kwa go Rra-masedi yo go se nang phetogo epe mo go ene, le e seng kamogano ya bosigo le motshegare. O re tsetse ka fa go rateng ga gagwe ka lefoko la boammaaruri gore re nne mangwe a mabutswapele a dibopiwa tsa gagwe. Ka moo, ba ga etsho ba ba rategang, a motho mongwe le mongwe a akofe go utlwa, a iketle go bua, a iketle go galefa. Gonne bogale jwa motho ga bo dirafatse tse di siameng fa pele ga Modimo. Ka moo latlhang maswe tlhe le bosula jo bo setseng, lo amogele ka bonolo Lefoko le le tlhomilweng mo go lona, le le nonofileng go pholosa mewa ya lona. Mme lo nne badiri ba Lefoko, e seng bautlwi fela, lwa tloga lwa itsietsa. Gonne fa mongwe e le moutlwi wa Lefoko, e se modiri, yoo o tshwana le monna yo o iponang sefatlhego sa tlholego mo seiponing; gonne e a re a sena go ipona, a tsamae, a lebale ka pele ka fa a ntseng ka teng. Mme yo o lebileng mo teng ga molao o o itekanetseng wa kgololesego, a bile a tsweletse jalo, e se moutlwi yo o lebalang, mme e le modiri wa tiro, yoo o tla nna sego mo go direng ga gagwe. Mme fa mongwe a itlhoma a direla Modimo, a ntse a sa thibele loleme lwa gagwe, mme a tsietsa pelo ya gagwe, tirelo-Modimo ya motho yoo ke ya lefela. Tirelo-Modimo e e itshekileng e e se nang sebala fa pele ga Modimo Rara ke ya go lekola dikhutsana le batlholagadi mo matshwenyegong a bone, le go ipoloka ka bophepa mo lefatsheng. Ba ga etsho, lo se ka lwa kopanya tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete wa kgalalelo le go gobelelela batho. Gonne fa mo phuthegong ya lona go ka tsena motho wa dipalamonwana tsa gouta, a apere seaparo se sentle, mme go be go tsena mohumanegi wa seaparo se se maswe, mme fa lo tlhokomela yo o apereng seaparo se sentle lo re: “Wena nna fa bonnong jo bontle,” mme lo raya mohumanegi lo re: “Wena ema foo, gongwe o nne fa fatshe fa sebeong sa me sa dinao,” a foo ga lo a dira pharologanyo mo go lona, lwa nna baatlhodi ba megopolo e e bosula? Reetsang, ba ga etsho ba ba rategang: A Modimo ga o a itlhophela ba e leng bahumanegi mo lefatsheng go nna bahumi mo tumelong le barua-boswa ba puso e o e solofeditseng ba ba o ratang? Mme lona lo tlotlolotse mohumanegi. A ga se bahumi ba ba lo patikang, ba ba lo gogelang kwa makgotleng a tsheko? A ga se bone ba ba kgalang leina le lentle le lo biditsweng ka lone? Kana fa lo dirafatsa tlhogo ya molao ka fa Lokwalong e e reng: “Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata,” lo tla bo lo dira sentle. Mme fa lo gobelelela batho, lo dira boleo, lo supediwa ke molao gore lo batlodi. Gonne le fa motho a ka tshegetsa molao otlhe, mme a tlola taolo e le nngwe fela, o molato mo go ona otlhe. Gonne ene yo o buileng a re: “O se ka wa dira boaka,” e bile o rile: “O se ka wa bolaya.” Jaanong fa o sa dire boaka, mme o bolaya, o motlodi wa molao. Buang lo bo lo dire jaaka lo le ba ba tla atlholwang ka molao wa kgololesego. Gonne katlholo ga e nke e nna le kutlwelo-botlhoko mo go ene yo o neng a se na kutlwelo-botlhoko; mme kutlwelo-botlhoko e fenya tshekiso. Ba ga etsho, go thusang fa motho a re, o na le tumelo, mme ditiro a se na natso? A tumelo eo e ka mo pholosa naa? Fa mokeresete-ka-wena, monna gongwe mosadi, a tlhoka diaparo le dijo tsa letsatsi, mme mongwe wa lona a ka ba raya a re: “Yaang ka kagiso, lo thuthafale, lo kgore,” mme lo sa ba fe dilo tse di batlegang mo mmeleng, go a bo go thusang? Tumelo le yona jalo, fa e le yosi, e se na ditiro, e sule. Jaanong motho o ka re: “Wena o na le tumelo, nna ke na le ditiro.” Mpontshe tumelo ya gago e e se nang ditiro, mme nna ke tla go bontsha tumelo ka ditiro tsa me. Wena o dumela gore go na le Modimo o le mongwe fela; o dira sentle. Le medemone e dumela jalo, mme e a roroma. Motho yo o bosilo ke wena. A o rata go itse gore tumelo e e se nang ditiro ga e ungwe? Aborahame rraetsho a ga a a siamisiwa ka ditiro, fa a baya Isaka morwawe mo aletareng go nna setlhabelo? Foo o ka bona gore tumelo e dirile mmogo le ditiro tsa gagwe, mme tumelo ya tlala ka ditiro. Mme Lokwalo lwa dirafala lo lo reng: “Aborahame o ne a dumela Modimo, mme tumelo eo ya kaiwa tshiamo ya gagwe,” a ba a bidiwa tsala ya Modimo. Lo ka bona ka tseo gore motho o siamisiwa ka ditiro, e seng ka tumelo fela. Fela jalo le ene Rahabe wa seaka, a ga a a siamisiwa ka ditiro, ka a ne a tshola barongwi, a ba tshabisa ka tsela e sele? Tumelo e sule, fa e se na ditiro, jaaka mmele o sule, fa o se na mowa. Ba ga etsho, lo se ka lwa nna baruti ka bontsi, ka lo itse gore rona baruti re tla sekisiwa go feta ba bangwe. Gonne rona rotlhe re fosa gantsi. Fa mongwe a sa fose mo puong, yoo e a bo e le monna wa botlalo yo o nonofileng go laola le ona mmele otlhe. Mme fa re tsenya dipitse megolasetso mo ganong gore di re utlwe, re a bo re sokolola le yona mebele yotlhe ya tsona. Bonang le tsona dikepe, le fa di le dikgolo thata, e bile di kgweediwa ke diphefo tse di thata, di sokololwa ka lobatinyana gore di ye kwa mokgweetsi o ratang go di isa teng. Le lone loleme ke tokololo e potlana e e ntseng jalo; mme lo ipoka ka go bua tse dikgolo. Bonang, molelo o monnye o a tle o tshube sekgwa se se kana kang ne! Loleme le lone ke molelo; loleme lo itshupa mo gare ga ditokololo tsa rona e le lefatshe la tshiamololo, e le lo lo kgotlelang mmele otlhe, lo tshuba tsamao yotlhe ya botshelo, lo tshujwa ke molete wa molelo. Kana diphologolo le dinonyane le digagabi le ditshedi tsa lewatle, le fa e le tsa mofuta ofe, di a kgwabofadiwa, di bile di setse di kgwabofaditswe ke tlhaloganyo ya motho. Mme loleme lone, ga go motho ope yo o ka kgonang go lo kgwabofatsa; ke bosula jo bo huduegang, lo tletse botlhole jo bo bolayang. Re baka Modimo Rara ka lone, re bile re hutsa batho ka lone ba ba bopilweng ka fa setshwanong sa Modimo. Tshegofatso le khutso di tswa mo molomong o le mongwe fela. Ba ga etsho, tseo ga di a tshwanela go nna jalo. A motswedi o a tle o tswele metsi a a botshe le a a bogalaka mo leitlhong le le lengwe fela? Ba ga etsho, a mofeie o ka ungwa diolefa, gongwe moweine wa ungwa difeie? Fela jalo motswedi wa metsi a a letswai ga o ka ke wa tswela metsi a a monate. Ke mang yo o botlhale, yo o nang le tlhaloganyo mo go lona? A a supe ditiro tsa gagwe tsa tsamao e e siameng ka bonolo jwa botlhale! Mme fa lo na le lefufa le le galakang le kgang mo dipelong tsa lona, lo se ka lwa ikgantsha, lwa aketsa boammaaruri. Botlhale joo ga se jo bo tswang kwa godimo, mme ke jwa lefatshe, jwa nama, jwa medemone. Gonne kwa go leng lefufa le kgang teng, gona go na le tlhakatlhakanyo le tiro nngwe le nngwe e mpe. Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo, ga ntlha ke jo bo boitsheko, bo bile bo kagiso, bo bonolo, bo a rapelesega, bo tletse kutlwelo-botlhoko le maungo a a molemo, bo se na kgobelelo le boitimokanyo. Mme leungo la tshiamo le jwalwa ka kagiso, le jwalelwa bone ba ba agisang. Dintwa di tswa kae, le dikganetsanyo di tswa kae mo go lona? A ga di tswe gona mo dikeletsong tsa lona tse di bosula tse di lwang mo ditokololong tsa lona? Lo a eletsa, mme lo a tlhoka; lo a bolaya, lo fufege, mme ga lo ka ke lwa amogela sepe; lo tsose kgang, lo lwe, mme lo a tlhoka, ka lo sa rapele. Lo a rapela, mme ga lo amogele sepe, ka gonne lo rapela ka mokgwa o o bosula, gore lo tle lo senye dilo ka bofafalele mo dikgatlhegong tsa lona. Banna le basadi ba lo senyang nyalano! A ga lo itse gore go tsalana le lefatshe ke go nna mmaba wa Modimo? Kana yo o ratang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo. A kampo lo gopola gore Lokwalo lo buela lefela, fa lo re: “Modimo o tlhologeletswe mowa o o o tsentseng mo go rona ka lefufa”? Mme o naya boitshwarelo jo bogolo bogolo; ke ka moo o buang o re: “Modimo o ganetsa baikgodisi, mme baikokobetsi o ba naya bopelotlhomogi.” Ka moo, ikokobeletseng Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla tshaba mo go lona. Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela. Tlhapang diatla, lona baleofi, lo itshepise dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi. Utlwang botlhoko, lo hutsafale, lo lele. A go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo bo fetoge maswabi. Ikokobetseng fa pele ga Morena, mme o tla lo godisa. Ba ga etsho, lo se ka lwa kgobana. Yo o kgobang mokaulengwe wa gagwe gongwe a mo sekisa, o kgoba molao, e bile o sekisa molao. Mme fa wena o sekisa molao, o tla bo o se modirisi wa molao, mme o le mosekisi wa one. Motlhomi wa molao le moatlhodi ke a le mongwe fela yo o nonofileng go pholosa le go latlha. Mme wena o mang, yo o sekisang mongwe-ka-wena? Jaanong lona ba lo reng: “Kajeno gongwe kamoso re tla ya kwa motseng wa bolebelebe, re dika ngwaga teng, re rekisa, re bapala.” Lona ba lo sa itseng tsa kamoso, botshelo jwa lona ke eng? Kana lo mouwane fela o o a tleng o bonale ka sebakanyana fela, o tloge, o nyelele. Etswe lo ka bo lo re: “Fa Morena a rata, re tla phela, re dira se kampo se.” Mme jaanong lo ipelafatsa ka maikgantsho a lona. Boipelafatso bongwe le bongwe jo bo ntseng jalo bo bosula. Jaanong yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, o a leofa. Jaanong he, lona bahumi, lelang lo bokolelele ditatlhego tse di tlang go lo wela. Khumo ya lona e bodile, diaparo tsa lona di jelwe ke motoutwana. Gouta ya lona le selefera di jelwe ke morodu, mme morodu wa tsona o tla supa ka ga lona, o ja nama ya lona jaaka molelo. Lo kgobokantse mahumo mo malatsing a bofelo! Bonang, tuelo ya badiri ba ba robileng masimo a lona, e lo ganneng ka yona, e a kua, le go goa ga barobi go tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa masomosomo. Lo phedile mo lefatsheng ka monatenate le mo tlhapelong, lo otla dipelo tsa lona, lo di otlela letsatsi la tlhabo. Lo atlhotse mosiami, lwa ba lwa mmolaya, a sa ganele le lona. Jaanong he, ba ga etsho, nnang pelotelele, go tsamae Morena a tle. Bonang, molemi o a tle a lebelele leungo le le molemolemo la tshimo, a le pelotelele ka ntlha ya lone go tsamae le be le bone pula ya ntlha le ya morago. Le lona nnang pelotelele, lo tiise dipelo tsa lona, ka go tla ga Morena go le gaufi. Ba ga etsho, lo se ka lwa ngongoregelana, lo tle lo se ka lwa atlholwa. Bonang, moatlhodi o eme fa mojako. Ba ga etsho, tsayang sekao sa pogo le sa bopelotelele mo baporofeting ba ba neng ba bua ka leina la Morena. Bonang, re kaya lesego ba ba itshokileng. Lo utlwile ka ga boitshoko jwa ga Jobe, lwa bona ka fa Morena a mo diretseng ka teng bofelong; gonne Morena o tletse bopelotlhomogi, o bile o kutlwelo-botlhoko. Ba ga etsho, se segolo bogolo ke go re, lo se ikane ka gope, e seng ka legodimo le e seng ka lefatshe le e seng ka ikano e sele. Mme a “ee” ya lona e nne “ee,” le “nnyaya” a e nne “nnyaya,” gore lo se ka lwa wela mo molatong. A mongwe wa lona o a boga? A a rapele! A mongwe o a itumela? A a opele difela! A mongwe wa lona o a lwala? A a bitse bagolo ba phuthego, ba mo rapelele, ba mo tlotse lookwane ka leina la Morena. Thapelo ya tumelo e tla thusa molwetse, mme Morena o tla mo tsosa. Fa a dirile maleo, o tla itshwarelwa. Ka moo, ipobolelaneng dibe, lo rapelelane gore lo fole. Thapelo ya mosiami e nonofile go dira tse dikgolo, fa e le ya tlhoafalo. Elia e ne e le motho jaaka rona, mme o ne a rapela thata gore pula e se ka ya na, mme ya se ka ya na mo lefatsheng dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro. A ba a rapela gape, mme legodimo la nesa pula, lefatshe la ntsha leungo la lone. Ba ga etsho, fa mongwe wa lona a timeletswe ke boammaaruri, mongwe a mo sokolola, a a itse gore yo o sokololang moleofi mo tseleng ya gagwe ya timelo o tla pholosa mowa wa gagwe mo losong, a bipa dibe tsotlhe. Nna Petoro, moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela baeng ba e leng bafaladi kwa Ponto le Galatia le Kapatokia le Asia le Bithinia, ba ba tlhaotsweng ka fa maikaelelong-pele a Modimo Rara ka boitshepiso jwa Mowa, gore ba utlwe Jesu Keresete, ba kgatshiwe ka madi a gagwe: A bopelotlhomogi le kagiso di lo ntsifalele! A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tsetseng gape ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa ona, gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing, re tle re rue boswa jo bo sa nyeleleng, jo bo se nang sebala, jo bo sa swabeng, jo lo bo boloketsweng kwa legodimong, lona ba lo bolokwang ka thata ya Modimo ka tumelo go ya pholosong e e baakantsweng gore e senolwe ka nako ya bofelo. Ke tsona tse lo di itumelelang, ba lo hutsafaditsweng kajeno go le gonnye ka diteko tsa mefutafuta ka fa go batlegang ka teng, gore tlhomamo ya tumelo ya lona e e lekilweng e fitlhelwe e le e e gaisang gouta e e nyelelang e e lekwang ka molelo, e bokwe, e galalediwe, e tlotliwe mogang go bonatsegang Jesu Keresete, yo lo mo ratang, le fa lo sa mmona, yo lo dumelang mo go ene, le fa jaanong lo sa mmone, mme lo tla itumela ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo galaleditsweng, lo amogela bofelelo jwa tumelo ya lona, e bong pholoso ya mewa ya lona. Fa e le pholoso eo, baporofeti ba ba boletseng pele ka ga bopelotlhomogi jo bo laotsweng gore lo bo bone, ba ne ba e batlisisa, ba e tlhotlhomisa; ba tlhotlhomisa gore Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o senola nako efe le e e ntseng jang, fa o supela pele dipogo tse di tla tlelang Keresete le tsa kgalalelo tse di tla di latelang. Ke fa ba senolelwa gore ga ba itirele, mme ba direla lona ka go bolela dilo tseo, tse gompieno lo di reretsweng ke ba ba lo boleletseng Efangele ka Mowa o o Boitshepo o o rometsweng o tswa kwa legodimong, e le dilo tse baengele ba eletsang go di leba. Ka moo, itlameng matheka a maikutlo a lona, lo nne tekano, lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo mo bopelotlhomoging jo lo bo tsisediwang ka ponatshego ya ga Jesu Keresete. Nnang bana ba ba utlwang, se laolweng ke dikeletso tsa pele tsa go tlhoka kitso ga lona, mme le lona lo nne boitshepo mo tsamaong yotlhe ya lona, jaaka ene yo o lo biditseng a le boitshepo, ka go kwadilwe ga twe: “Nnang boitshepo; gonne nna ke boitshepo.” Jaanong e re ka lo mmitsa Rara yo o atlholang ka fa tirong ya mongwe le mongwe, a sa gobelelele ope, tsamayang ka poifo mo sebakeng sa boeng jwa lona, ka lo itse gore mo tsamaong ya boithamako ya lona e lo e bonyeng mo go borraeno, ga lo a gololwa mo go yona ka dilo tse di nyelelang, jaaka selefera le gouta, mme e le ka madi a a molemolemo a ga Keresete, e le a kwana e e se nang nyatsego le fa e le sebala, yo o sa leng a itsiwe pele, lefatshe le ise le tlholwe, mme a bonadiwa mo metlheng ya bofelo ka ntlha ya lona ba lo dumetseng ka ene mo Modimong o o mo tsositseng mo baswing, wa mo naya kgalalelo, gore tumelo ya lona le tsholofelo di nne mo Modimong. E re ka lo itshekisitse mewa ya lona ka go utlwa boammaaruri ka Mowa mo go isang go rataneng ga bakaulengwe mo go se nang boitimokanyo, ratanang ka dipelo tse di fisegang, lo le ba ba tsetsweng gape, e seng ka peo e e nyelelang, mme e le ka e e sa nyeleleng, e bong ka Lefoko la Modimo le le tshelang, le le nnetseng ruri. Gonne: “Nama yotlhe e ntse jaaka bojang, kgalalelo yotlhe ya motho e ntse jaaka sethunya sa bojang. Bojang bo a swaba le sethunya se tlhotlhorege, mme Lefoko la Morena le ntse ka bosakhutleng.” Lefoko leo ke lone le lo le reretsweng. Jaanong bakelang bosula jotlhe le tsietso yotlhe le boitimokanyo le lefufa le ditshebo tsotlhe, mme lo eletse mašwi a Lefoko a a sa pekwang, jaaka bana ba e leng gona ba tsalwang, gore lo tle lo golele pholosong ka ona, fa lo lemogile gore Morena o pelontle. Tlayang go ene yo e leng lentswe le le tshelang, le le latlhilweng ke batho, mme e le le le tlhophilweng la botlhokwa mo Modimong; ineeleng go agiwa jaaka majwe a a tshelang go nna ntlo ya Mowa, ya boperesiti jo bo itshepileng, go tsisa ditlhabelo tsa Mowa tse di kgatlhang Modimo ka Jesu Keresete. Gonne go kwadilwe mo Lokwalong ga twe: “Bona, ke baya lentswe la sekhutlo mo Sione le le tlhophilweng la botlhokwa; yo o dumelang mo go lone ga a kitla a tlhajwa ke ditlhong.” Ke la botlhokwa mo go lona ba lo dumelang; mme mo go ba ba sa dumeleng: “Lentswe le baagi ba le latlhileng le dirilwe letlapa la sekhutlo,” “lentswe le le kgopang, letlapa la seru;” bone ba a kgotšwa, ka ba sa utlwe Lefoko; ke sona se ba bileng ba se beetswe. Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang, lona ba e rileng pele lwa bo lo se morafe, mme jaanong lo batho ba Modimo ba lo neng lo sa utlwelwe botlhoko, mme jaanong lo utlwetswe botlhoko. Baratwi, ke kgothatsa lona, ba lo leng bajaki le baeng gore lo ikilele mo dikeletsong tsa nama tse di tlhabanang le mowa, mme lo nne le tsamao e e siameng mo go baheitane gore se ba lo sebang ka sona ba re, lo badiradibe, ba galaletse Modimo ka letsatsi la tekolo ka ntlha ya sona, fa ba se bona sentle ka ditiro tse di molemo tsa lona. Ikokobeletseng melao yotlhe ya batho ka ntlha ya Morena, le fa e le kgosi, ka e le molaodi yo mogolo, kampo dikgosana, ka e le tse di romilweng ke yona go betsa badiradibe le go tlotla ba ba dirang molemo; gonne thato ya Modimo e ntse jaana gore lo didimatse go sa itseng ga batho ba ba bosilo ka go dira molemo, lo le ba ba gololesegileng, mme lo sa dirise kgololesego jaaka seipato bosuleng, mme lo le batlhanka ba Modimo. Tlotlang botlhe. Ratang bakaulengwe. Boifang Modimo. Tlotlang kgosi. Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ka poifo yotlhe, e seng ba ba molemo le ba ba bonolo fela, mme le bone ba ba kgopo. Gonne moo go a lebosega, fa motho a ka itshokela ditlhokofatso ka ntlha ya segakolodi se se utlwang Modimo, a bogisiwa a se na molato. E ka nna boipoko jwa eng, fa e ka re lo itewa lo sena go leofa, lo a go itshokela? Mme fa lo bogisiwa mogang lo dirang molemo, mme lo go itshokela, gone foo go lebosega fa pele ga Modimo; gonne lo bileditswe gona moo. Keresete le ene o bogisitswe ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo gate motlhala wa gagwe; yo o neng a sa dira boleo bope, le tsietso ga e a ka ya fitlhelwa mo molomong wa gagwe. E rile a kgalwa, a se ka a ba a kgala; ya re a bogisiwa, a se ka a bôpa, mme a ineela fela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo. O ne a belegela maleo a rona ka boene ka mmele wa gagwe kwa sefapaanong, gore rona re nne ba ba suleng ntlheng ya boleo, mme re tshelele tshiamo; lo fodisitswe ka dintho tsa gagwe. Gonne lo ne lo ntse jaaka dinku tse di timetseng, mme jaanong lo boetse go Modisa le Molebeledi wa mewa ya lona. Le lona basadi, utlwang banna ba lona gore le fa banna bangwe ba sa dumele Lefoko ba fenngwe ke tsamao ya basadi kwa ntle ga Lefoko, fa ba bona tsamao e e phepa ya lona ya poifo-Modimo. Mokgabo wa lona e se ka ya nna wa ka fa ntle wa go loga meriri le go ikgabisa ka gouta le go apara diaparo tsa maphatsiphatsi, mme a e nne motho yo o fitlhegileng wa pelo yo o apereng mokgabo o o sa nyeleleng wa mowa o o bonolo, o o iketlileng; ke ona o o kgatlhang Modimo. Gonne bogologolo basadi ba ba boitshepo ba ba neng ba solofela mo Modimong le bone ba ne ba ikgabisa jalo ka go ikokobeletsa banna ba bone, jaaka Sara a ne a utlwa Aborahame, a mmitsa morena yo lo leng bana ba gagwe, fa lo dira molemo, mme lo sa boife sepe se se tshosang. Le lona banna, agang le bone ka tlhaloganyo, ka mosadi a bopegile bokoa, mme lo ba nee tlotlo, ka e bile e le ba ba ruang bopelotlhomogi jwa botshelo mmogo le lona, gore merapelo ya lona e se ka ya kgoreletsega. Ke akaretsa ke re: Nnang pelonngwe fela lotlhe lo nne pelotlhomogi, lo ratane jaaka bana ba motho, lo nne kutlwelo-botlhoko le boikokobetso. Lo se ka lwa lefa bosula ka bosula gongwe komano ka komano, mme bogolo tshegofatsang, ka lo bileditswe gona moo gore lo rue lesego. Gonne “Yo o ratang go itumelela bophelo le go bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo bosuleng, le molomo wa gagwe gore o se ka wa bua tsietso. A a fapoge bosula, a dire molemo, a a batle kagiso, a e latelele; gonne matlho a Morena a lebile basiami, ditsebe tsa gagwe di reeditse merapelo ya bone. Mme sefatlhego sa Morena se emelanye le ba ba dirang bosula.” Ke mang yo o ka lo utlwisang botlhoko, fa lo tlhoafaletse molemo? Mme le fa lo ka boga ka ntlha ya tshiamo, lo sego. Lo se ka lwa ba boifa ka gope le e seng go tshoga. Mme lo itshepise Morena Keresete mo dipelong tsa lona, lo ntse lo iketleeditse go araba mongwe le mongwe yo o batlang boikarabelo mo go lona ka ga tsholofelo e lo nang nayo, mme e nne ka bonolo le ka poifo. Lo nne le segakolodi se se siameng gore bone ba ba kgalang tsamao e e molemo ya lona mo go Keresete ba tlhajwe ke ditlhong ka dilo tse ba lo senyang leina ka tsona. Gonne fa Modimo o rata gore lo boge, gona go boga ka ntlha ya go dira sentle go gaisa go boga ka ntlha ya go dira bosula. Gonne Keresete le ene o kile a bogela maleo a rona gangwe fela, ene mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re ise kwa Modimong; a bolawa ka fa nameng, mme a tshedisiwa ka fa moweng, o e leng ona o bileng a ya ka ona, a rerela mewa e e mo kgolegelong, e e kileng ya gana go utlwa, jale fa Modimo o ntse o iketlile ka bopelotelele mo malatsing a ga Noa, go sa ntse go baakanngwa areka e batho ba se kae, e bong ba ba robedi fela, ba bolokilweng ka yona mo metsing. Ke ona a le lona a lo pholosang kajeno kolobetsong, e le setshwantsho sa yona, e se go tlosa leswe la mmele, mme e le go kopa segakolodi se se siameng mo Modimong ka tsogo ya ga Jesu Keresete yo o tsenyeng mo legodimong, a nna fa letsogong le le jang la Modimo, baengele le mebuso le ba ba thata ba sena go bewa mo taolong ya gagwe. Mme jaanong e re ka Keresete a re bogetse ka fa mmeleng, le lona tlhomelang ona mogopolo oo; gonne yo o bogileng ka fa mmeleng o baketse boleo, gore mo sebakeng se se sa ntseng se setse sa go phela a se tlhole a phelela dikeletso tsa batho, mme a phelele thato ya Modimo. Gonne go lekanye, fa re dirisitse thato ya baheitane mo sebakeng se se fetileng ka go tsamaya ka boitaolo le dikeletso le botagwa le bojabele le tlhapelo le ditirelo tsa medimo e sele tse di maila. Ke ka moo ba fitlhelang lo ba fetogetse baeng, ba a lo nyefola, ka lo sa tlhole lo tsamaya nabo mo boithatelong joo jwa tatlhego; ke bone ba ba tla ikarabelang fa pele ga gagwe yo o iketleeleditseng go atlhola baphedi le baswi. Ke ka ntlha ya moo baswi le bone ba reretsweng Efangele gore ba atlholwe ka fa mokgweng wa batho mo nameng, mme ka fa mokgweng wa Modimo ba phele mo moweng. Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jaanong nnang tekano, lo iphe nako go rapela. Bogolo go dilo tsotlhe ratanang thata; gonne lorato lo bipa dibe tsotlhe. Tsholanang mo maetong go se na ngongorego. Direlanang, mongwe le mongwe ka fa neong e o e amogetseng, lo nne badirisi ba ba molemo ba methale ya bopelontle jwa Modimo: Fa mongwe a bua, a e nne jaaka fa a bua mafoko a Modimo; fa mongwe a direla, a a direle ka thata e Modimo o e mo abelang, gore mo dilong tsotlhe go galalediwe Modimo ka Jesu Keresete, yo kgalalelo e leng ya gagwe le thata go ya bosakhutleng. Amen. Baratwa, lo se ka lwa gakgamadiwa ke pogo e e fisang e e lo dirafalelang gore lo lekwe, jaaka e kete lo dirafalelwa ke se se ronang. Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele. Lo sego, fa lo kgojwa ka ntlha ya leina la ga Keresete, ka Mowa wa kgalalelo wa Modimo o ntse mo go lona. Mo go bone le a kgalwa, mme mo go lona le a galalediwa. Kana go se ka ga nna ope wa lona yo o bogisiwang, e le mmolai gongwe legodu gongwe modira-bosula gongwe yo o itsenyang mo dilong tse di sa mo tshwanelang. Mme fa a bogisiwa, ka a le Mokeresete, a a se ka a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya leina leo, mme a a galaletse Modimo ka lone. Gonne ke nako ya gore tshekiso e simologe mo ntlong ya Modimo. Mme fa e simologa mo go rona, bokhutlo jwa bone ba ba sa dumeleng Efangele ya Modimo e tla nna eng? Mme “Fa mosiami a batlile go tlhaela go pholosiwa, kana moikepi le moleofi ba tla ya kae?” Ka moo he, a ba ba bogang ka fa thatong ya Modimo ba neele Mmopi yo o boikanyo mewa ya bone ba ntse ba dira molemo. Jaanong ke kaela bagolo ba phuthego ba ba mo go lona, ke le mogolo-ka-bone le mosupi wa dipogo tsa ga Keresete, ke bile ke tlhakanetse nae kgalalelo e e tla senolwang, ke re: Fudisang letsomane la Modimo le le mo go lona, e seng ka go patelediwa, mme e nne ka bopelotshweu ka fa thatong ya Modimo; e seng ka go ipatlela khumo e e maswe, mme e nne ka pelo yotlhe; e seng jaaka barena ba diphuthego, mme lo nne dikao tsa letsomane. Mme lo tla bona serwalo sa kgalalelo se se sa swabeng mogang Modisa yo mogolo a bonalang. Le lona ba bašwa, utlwang bagolo, mme lotlhe direlanang ka boikokobetso; gonne “Modimo o ganetsa ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba naya boitshwarelo.” Ka moo, ikokobeletseng letsogo le le thata la Modimo gore o tle o lo godise ka nako e e leng yona. Latlhelang matshwenyego otlhe a lona mo go one, gonne lo tlamelwa ke one. Nnang tekano lo itise; gonne Diabolo, moganetsi wa lona, o kgarakgatshega jaaka tau e e dumang, a batla yo a ka mo metsang. Lo emelane nae ka go tlhomama mo tumelong, ka lo itse gore tsona dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng. Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise. Kgalalelo le thata ke tsa ona go ya bosakhutleng. Amen. Ke lo kwaletse ka bokhutshwane ka Silefano, mokaulengwe yo o ikanyegang, ka fa ke mo lebileng ka teng, ke lo kgothatsa, ke supa gore ke jona bopelotlhomogi jwa nnete jwa Modimo jo lo emeng mo go jona. Phuthego e e tlhaotsweng le lona ya mono Babilone le Mareko, morwaake, ba a lo dumedisa. Dumedisanyang ka katlo ya lorato. A kagiso e nne le lona lotlhe, ba lo leng mo go Keresete! Nna Simone Petoro, motlhanka le moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba neilweng tumelo ya botlhokwa jaaka rona ka tshiamo ya Modimo wa rona le ya Mopholosi Jesu Keresete: A bopelotlhomogi le kagiso di lo ntsifalele ka go itse Modimo le Jesu, Morena wa rona! Kana ke thata ya gagwe ya bodimo e e re abetseng dilo tsotlhe tse di re direlang bophelo le poifo-Modimo, ka go itse ene yo o re biditseng ka kgalalelo ya gagwe le ka maatlametlo a gagwe. Ka tsona o re abetse ditsholofetso tse di tlotlegang, tse dikgolo thata, gore lo nne le kabelo mo popegong ya bodimo ka go dumela tsona, lo sena go falola mo tshenyegong e e mo lefatsheng ka keletso. Ka ntlha ya moo, tlhoafalang thata gore lo oketse tumelo ya lona ka maatlametlo, le maatlametlo ka kitso, le kitso ka boitshwaro, le boitshwaro ka tshwarelelo, le tshwarelelo ka poifo-Modimo, le poifo-Modimo ka go rata bakaulengwe, le go rata bakaulengwe ka go rata botlhe. Gonne fa dilo tse, di le teng mo go lona, mme di ntse di ata, di tlosa botshwakga le botlhoka-leungo ntlheng ya go itse Morena wa rona Jesu Keresete. Yo o tlhokang dilo tse o foufetse, ga a bonele kgakala, o bile o lebetse tlhapiso ya maleo a gagwe a pele. Ka ntlha ya moo, ba ga etsho, tlhoafalang bogolo gore lo tlhomamise go bidiwa ga lona le go tlhaolwa ga lona; gonne fa lo dira jalo, ga lo kitla lo kgotšwa ka gope. Gonne foo lo tla abelwa segolo go tsena mo pusong e e sa khutleng ya Morena wa rona Jesu Keresete, Morepholosi. Ke ka ntlha ya moo ke ikaeletseng go lo gakolola dilo tseo ka gale, le fa lo di itse, lo bile lo tlhomamisitswe mo boammaaruring jo bo leng teng. Mme ke fitlhela e le tshwanelo go lo kurusa ka kgakololo, ke sa ntse ke le mo motlaaganeng ono wa mmele; ka ke itse gore motlaagana wa me o tla akofa o tlhomololwa ka fa le Morena wa rona Jesu Keresete a ntshenoletseng ka teng. Mme ke tla tlhoafalela gore ka gale lo nne lo gakologelwe dilo tseo, le fa ke sena go tsamaya. Gonne e rile re lo itsise thata ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla gape ga gagwe, ra bo re sa latele dinaane tse di rulagantsweng ka botlhale, mme re ne re le basupi ba ba bonyeng borena jwa gagwe. Gonne o amogetse tlotlo le kgalalelo mo go Modimo Rara, jale fa lentswe le le ntseng jaana le tswa kgalalelong ya borena, le tla go ene le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo o nkgatlhang.” Lentswe leo re le utlwile le tswa legodimong, re na nae mo thabeng e e boitshepo. E bile re na le lefoko la polelelopele le le tlhomameng bogolo, le lo tla bong lo dira sentle, fa lo le tlhokomela jaaka lobone lo lo phatsimang mo felong ga lefifi go ya bo be bo se, le naledi ya moso e be e tlhabe mo dipelong tsa lona, ka lo itse bogolo gore ga go na polelelopele epe ya Lokwalo e e bolelwang ka tlhaloso ya boithatelo ya motho; gonne ga go ise go ke go tle polelelopele ka go rata ga motho, mme batho ba ba boitshepo ba Modimo ba buile, ba tlhotlheleditswe ke Mowa o o Boitshepo. Mme e bile go ne go le baporofeti ba maaka mo bathong, jaaka le mo go lona go tla nna baruti ba maaka ba ba tla sukunyetsang dithuto tse di senyang; jaanong e re ka ba latola Morena yo o ba golotseng, ba itsisetsa tshenyego ya tshoganyetso. Mme batho bantsi ba tla sala boitaolo jwa bone morago, ba tsela ya boammaaruri e tla kgalwang ka ntlha ya bone. Ka megagaru ya bone ba tla bapala ka lona ka mafoko a maaka. Mme go tloga bogologolo katlholo ya bone ga e diege, le tatlhego ya bone ga e otsele. Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele ba ba leofileng, mme wa ba digela kwa moleteng, wa ba bofa ka dikgole tsa lefifi gore ba bolokelwe katlholo; gape wa se ka wa rekegela lefatshe la bogologolo, mme wa boloka Noa, moreri wa tshiamo, a na le batho ba supa, jale fa o tsisa morwalela mo lefatsheng la baikepi; le metse ya Sotoma le Gomora wa e fetola melora, wa e atlholela tatlhego, wa e baya sekao sa ba ba tla ikepang ka moso, mme wa falodisa Lote yo o siameng, yo o neng a bogisega ka tsamao ya ba ba itaolang mo masweng – gonne mosiami yoo, ka a ne a agile mo go bone, a tshwenyega mo moweng o o siameng ka go bona le go utlwa ditiro tsa bone tsa boikepo ka letsatsi lengwe le lengwe – go bonala gore Morena o itse go golola baboifa-Modimo mo thaelong, le go bolokela basiamolodi letsatsi la katlholo gore ba watlhaiwe, bogolo bone ba ba latelang nama ka dikeletso tse di maswe, ba nyatsa borena; ba matepe, ba a ikgantsha, ga ba boife go kgala bagalaledi, etswe baengele ba ba ba fetang ka nonofo le ka thata, bone ba sa ise katlholo ya kgalo ka ga bone fa pele ga Morena. Mme baruti bao, ka ba tshwana le diphedi tse di se nang tlhaloganyo, tse ka fa tlholegong ya tsona di tsaletsweng go tshwarwa le go bolawa, ba kgala tse ba sa itseng sepe ka ga tsona; ba tla senyega ka tshenyego ya tsona, ba bona tuelo ya tshiamololo. Ba kaya tlhapelo ya motshegare monate; ke batho ba makgapha le maswe, ba mejo mo ditsietsong tsa bone, fa ba ja le lona. Ba na le matlho a a tletseng go eletsa seaka, a a sa bakeleng boleo; ba oka mewa e e sa tiang, ba na le dipelo tse di tlwaetseng megagaru, ke bana ba ba hutsegileng. Ba tlogetse tsela e e siameng, ba timetse, ba ya le tsela ya ga Bileame, morwa Beore, yo o neng a rata tuelo ya tshiamololo, mme a kgalemelelwa tlolo ya gagwe; esele e e semumu ya bua ka lentswe la motho, ya thibela bosilo jwa moporofeti. Bao ke metswedi e e se nang metsi, ke mouwane o o kgweediwang ke ledimo, ke ba ba boloketsweng lefifi le lentsho. Gonne ka go bua tsa boikgantsho jwa boithamako le ka boitaolo dikeletsong tsa nama ba oka bone ba e leng gona ba falolang mo go ba ba tsamayang mo timelong, ba ba solofetsa kgololesego, mme bone ka nosi ke batlhanka ba tshenyego; gonne se motho o fentsweng ke sona, ke sona se a diregileng lekgoba la sona. Gonne fa e re ba sena go falola mo masweng a lefatshe ka go itse Morena le Mogolodi Jesu Keresete, ba boa ba thaisiwa ke ona le go fenngwa ke ona, bao kemo ya bone ya morago e a tle e sulafale bogolo go ya pele. Gonne go ka bo go le molemo mo go bone, fa ba ka bo ba se ka ba itse tsela ya tshiamo ka gope, bogolo go go e itse le go tloga ba hularela taolo e e boitshepo e ba e neetsweng. Ba dirafaletswe ke se se bolelwang ka seane sa boammaaruri se se reng: “Ntšwa e boetse matlhatseng a yona;” le se sengwe se se reng: “Kolobe e e tlhapileng e boetse go bidikama mo dithetseng.” Baratwi, lokwalo loo e setse e le lwa bobedi lo ke lo lo kwalelang, ke ntse ke tsosa maikutlo a a phepa a lona ka kgakololo gore lo gakologelwe mafoko a a sa leng a buiwa pele ke baporofeti ba ba boitshepo, le taolo ya Morena le Mopholosi, e lo e neetsweng ke baapostolo ba lona. Itseng pele gore mo malatsing a bofelo go tla tla basotli ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone, ba sotla ba re: “E kae, polelelopele ya go tla ga gagwe? Kana e sa le borara ba robala, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse fela jaaka mo tshimologong ya tlholego.” Gonne ba itebaditse ka bomo gore magodimo a sa le a nna teng bogologolo, le gore lefatshe le le tswang mo metsing le ka thata ya metsi le dirilwe ka Lefoko la Modimo. Ke ona a lefatshe la sebaka sele le senyegileng ka ona, e bong ka morwalela. Mme magodimo a gompieno le lefatshe di boloketswe molelo ka Lefoko la ona, di beelwa letsatsi la katlholo le tshenyego ya batho ba ba ikepileng. Baratwa, lo se ka lwa lebala selo se le sengwe sa go re: Mo Moreneng letsatsi le le lengwe le tshwana le sekete sa dinyaga, le sekete sa dinyaga se tshwana le letsatsi le le lengwe. Morena ga a diegise polelelopele, jaaka bangwe ba kaya e le tiego; mme o pelotelele le lona, ka a sa rate gore bangwe ba latlhege, mme o rata gore botlhe ba sokologe. Mme letsatsi la Morena le tla tla jaaka legodu bosigo, magodimo a tla fela ka lone ka modumo o mogolo; dilo tse lefatshe le bopilweng ka tsona di tla tuka, di nyelela; lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla šwa. E re ka tsotlhe tseo di tla nyelela jalo, lo tshwanetse lwa nna batho ba tsamao e e boitshepo, ba poifo-Modimo bogolo jang ne, lo lebeletse, lo bile lo rata go akofisa go tla ga letsatsi la Modimo le magodimo a tla šwang ka lone, a nyelela; tse lefatshe le bopilweng ka tsona di tla tuka, di gakologa ka mogote! Mme re lebeletse magodimo a mašwa le lefatshe le lešwa ka fa tsholofetsong ya ona, mo tshiamo e agileng teng. Ka ntlha ya moo, baratwa, a e re lo lebeletse dilo tseo, lo tlhoafale gore lo fitlhelwe fa pele ga one lo se na maswe, le fa e le molato, mme lo le mo kagisong. Mme bopelotelele jwa Morena lo bo kaye e le pholoso, jaaka le ene Paulo, mokaulengwe yo o rategang wa rona a lo kwaletse ka fa botlhaleng jo a bo neilweng. Go ntse jalo mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe, fa a bua ka ga dilo tse; mo go tsona go na le dilo tse di thata go tlhaloganngwa, tse batho ba ba sa rutegang le ba ba bokoa ba di sokamisang, jaaka ba dira le ka dikwalo tse dingwe, ba itsisetsa tshenyego. Jaanong lona, baratwi, e re ka lo itse dilo tse pele, itiseng gore lo se ka lwa faposiwa ke timelo ya baikepi, lwa wa mo tlhomamong ya lona. Mme golang mo bopelotlhomoging le mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete Morepholosi. A kgalalelo e nne ya gagwe jaanong le go ya letsatsing la bosakhutleng! Re lo anegela se se neng se le teng go tloga tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho a rona, se re se lebileng, se diatla tsa rona di se fophotseng, e bong sa Lefoko la botshelo – mme botshelo bo bonetse, re bile re bo bonye; re a supa, re lo begela botshelo jo bo sa khutleng, jo bo neng bo le fa go Rara, mme bo re bonatsegetse. – Se re se bonyeng, ra se utlwa, le lona re a se lo rerela gore le lona lo nne le kopano le rona; mme kana kabelano ya rona ke ya go kopana le Rara le Jesu Keresete Morwawe. Dilo tse re di lo kwalela gore boitumelo jwa lona e nne jo bo tletseng. Molaetsa o re o utlwileng mo go ene, o e bileng re o lo begela ke wa go re: Modimo ke lesedi, mme ga go na lefifi lepe mo go ona. Fa re re, re na le kopano le ona, mme re tsamaya mo lefifing, re a aka, ga re dire boammaaruri. Mme fa re tsamaya mo leseding jaaka ona o le mo leseding, re na le kopano mongwe le yo mongwe, e bile madi a ga Jesu Keresete, Morwaa-ona, a re itshekisa boleo jotlhe. Fa re re, ga re na boleo, re a itsietsa, mme boammaaruri ga bo yo mo go rona, mme fa re ipobola maleo a rona, ona o boikanyo le tshiamo go re itshwarela maleo le go re itshekisa tshiamololo yotlhe. Fa re re, ga re a leofa, re o dira moaki, mme Lefoko la ona ga le yo mo go rona. Banaka, dilo tse ke di lo kwalela gore lo se ka lwa leofa. Mme fa mongwe a leofa, re na le Mmueledi mo go Rara, e bong Jesu Keresete yo o tshiamo. Ene yoo ke thuanyo ya maleo a rona, mme e seng ya maleo a rona fela, mme e bile ke ya maleo a lefatshe lotlhe. Se re itseng ka sona gore re a mo itse, ke fa re tshegetsa ditaolo tsa gagwe. Yo o reng: “Ke a mo itse,” mme a sa tshegetse ditaolo tsa gagwe, ke moaki, e bile ga go na boammaaruri mo go ene. Mongwe le mongwe yo o tshegetsang Lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo mo go ene ka botlalo. Ke sona se re itseng ka sona gore re mo go ene. Yo o reng, o ntse mo go ene, o tshwanetse go sepela ka esi jaaka le ene a ne a sepela. Baratwi, ga ke lo kwalele taolo e ntšhwa; ke taolo e kgologolo e lo sa leng lo e tshola go tloga tshimologong. Taolo e kgologolo ke Lefoko le lo le utlwileng go tloga tshimologong. Le fa go ntse jalo ke lo kwalela taolo e ntšhwa, gona ke nnete mo go ene le mo go lona; gonne lefifi le a anoga, mme lesedi la boammaaruri le setse le phatsima. Yo o reng, o mo leseding, mme a tlhoile mongwe-ka-ene, o sa ntse a le mo lefifing le jaanong. Yo o ratang mongwe-ka-ene o ntse mo leseding, ga go na sekgopi mo go ene. Mme yo o tlhoileng mongwe-ka-ene o mo lefifing, e bile o tsamaya mo lefifing, mme ga a itse kwa o yang teng, ka lefifi le mo foufaditse matlho. Banaka, ke a lo kwalela; gonne lo itshwaretswe maleo ka ntlha ya leina la gagwe. Borra, ke a lo kwalela; gonne lo itse ene yo o ntseng a le teng go tswa tshimologong. Makau, ke a lo kwalela; gonne lo fentse yo-o-bosula. Banaka, ke lo kwaletse; gonne lo itse Rara. Borra, ke lo kwaletse; gonne lo itse ene yo o ntseng a le teng go tloga tshimologong. Makau, ke lo kwaletse; gonne lo thata, mme Lefoko la Modimo le ntse mo go lona, lo bile lo fentse yo-o-bosula. Lo se ka lwa rata lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa mongwe a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene. Gonne tsotlhe tse di mo lefatsheng, e bong keletso ya nama le keletso ya matlho le mabela a bophelo, ga se tse di tswang mo go Rara, ke tse di tswang mo lefatsheng. Lefatshe lone le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang go rata ga Modimo o nna ka bosakhutleng. Banaka, ke nako ya bofelo, mme go ntse jaaka lo kile lwa utlwa gore moganetsa-Keresete o e tla; go setse go tsogile baganetsa-Keresete ba bantsi jaanong. Ke ka gona moo re itseng gore ke nako ya bofelo. Ba dule mo go rona, mme e ne e se ba rona; gonne fa e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa na le rona. Mme go tshwanetse ga bonala, fa e se ba rona botlhe. Mme lona lo na le tlotso e e tswang mo Moitsheping, lo bile lo itse tsotlhe. Ga ke a lo kwalela, ka lo sa itse boammaaruri, mme e le ka lo bo itse, le ka go se na maaka ape a a ka tswang mo boammaaruring. Moaki ke mang fa e se ene yo o latolang a re: Jesu ga se Keresete? Ke ene moganetsa-Keresete yo o itatolang Rara le Morwa. Mongwe le mongwe yo o itatolang Morwa, le Rara ga a na nae; yo o ipolelang Morwa, le Rara o na nae. Se lo sa leng lo se utlwa go tloga tshimologong, a se nne mo go lona. Fa se lo sa leng lo se utlwa go tloga tshimologong se ntse mo go lona, le lona lo tla nna mo go Morwa le mo go Rara. Mme tsholofetso e o e re solofeditseng ke e: E bong bophelo jo bo sa khutleng. Dilo tse ke di lo kwaletse ka ntlha ya bone ba ba lo timetsang. Mme lona, tlotso e lo e amogetseng mo go ene, e ntse mo go lona; ga go batlege gore lo rutwe ke ope; mme go ntse jaaka tlotso ya gagwe e lo ruta ka ga tsotlhe, ke yona boammaaruri, ga se maaka; nnang he mo go ene, fela jaaka e lo rutile. Mme jaanong, banaka, nnang mo go ene gore e re fa a bonatsega, re nne le phuthologo, mme re se ka ra tlhajwa ke ditlhong fa pele ga gagwe, mogang a tlang. Fa lo itse gore ene o tshiamo, lo nne lo itse gore le mongwe le mongwe yo o dirang tshiamo o tsetswe ke ene. Bonang, ke lorato lo lo ntseng jang ne, lo Modimo Rara o re ratileng ka lone gore re bidiwe bana ba Modimo! Mme tota re bone. Ke ka moo lefatshe le sa re itseng, ka gonne ga le a ka la itse ene. Baratwi, jaanong re bana ba Modimo mme ga go ise go bonatsege gore re tla nna jang. Mme re itse gore fa a sena go bonatsega, re tla tshwana nae; gonne re tla mmona jaaka a ntse. Mongwe le mongwe yo o nang le tsholofelo eo mo go ene o a iitshekisa jaaka ene a itshekile. Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o a siamolola; boleo ke jona tshiamololo. Mme lo itse gore ene o bonetse gore a tlose boleo, mme mo go ene ga go na boleo. Mongwe le mongwe yo o ntseng mo go ene ga a leofe; mongwe le mongwe yo o leofang ga a ise a mmone, le fa e le go mo itse. Banaka, se timediweng ke ope; yo o dirang tshiamo ke mosiami, jaaka ene e le mosiami. Yo o dirang boleo ke wa ga Diabolo; gonne Diabolo o ntse a leofa go tswa tshimologong. Se Morwa Modimo o se bonatsegetseng ke go senya ditiro tsa ga Diabolo. Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a dire boleo, ka gonne peo ya ona e ntse mo go ene, mme o palelwa ke go leofa, ka a tsetswe ke Modimo. Ke sona se go bonalang ka sona ba e leng bana ba Modimo le ba e leng bana ba ga Diabolo; mongwe le mongwe yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng modumedi-ka-ene o ntse jalo. Gonne molaetsa o lo sa leng lo o utlwa go tloga tshimologong ke wa gore re ratane; e seng jaaka Kaine yo e neng e le wa yo-o-bosula, a bolaya monnawe. Mme o mmolaetseng? E ne e le ka ditiro tsa gagwe di le bosula, mme tsa ga monnawe di siame. Ba ga etsho, se gakgamaleng, fa lefatshe le lo tlhoa. Re itse gore re dule mo losong, ra tsena mo bophelong, ka re rata badumedi-ka-rona. Yo o sa rateng modumedi-ka-ene o setse mo losong. Mongwe le mongwe yo o tlhoileng morwa-rraagwe ke mmolai, mme lo itse gore ga go mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene. Se re itsileng lorato ka sona ke fa ene a re beetse bophelo jwa gagwe; le rona re tshwanetse go beela bomorwa-rraarona maphelo a rona. Mme le fa e le mang yo o nang le tsa botshelo jwa lefatshe, mme a fitlhela morwa-rraagwe a tlhoka, a ba a mo hutela pelo, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene? Banaka, a re se rateng ka lefoko, le fa e le ka loleme, mme a e nne ka tiro le ka boammaaruri. Se re tla itseng ka sona gore re ba boammaaruri, e bile re ka gomotsa dipelo tsa rona fa pele ga ona ka sona, ke fa e re dipelo tsa rona di re atlhola, re re: Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona, o bile o itse tsotlhe. Baratwi, fa dipelo tsa rona di sa re atlhole, re a be re na le nametsego mo Modimong. Mme le fa e le eng se re se kopang, re se amogela mo go ona, ka re tshegetsa ditaolo tsa ona, re dira tse di natefang fa pele ga ona. Taolo ya one ke ya gore re dumele mo leineng la ga Morwaa-ona, Jesu Keresete, re be re ratane ka fa taolong e o e re neetseng. Mme yo o dirisang ditaolo tsa ona o nna mo go ona, le ona o nna mo go ene; mme se re itseng ka sona gore o nna mo go rona, ke ka Mowa o re o neilweng ke ona. Baratwi, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe, mme lo leke mewa gore a e tswa mo Modimong; gonne baporofeti ba bantsi ba maaka ba bololetse mo lefatsheng. Se lo tla itseng Mowa wa Modimo ka sona ke se: Mowa mongwe le mongwe o o ipolelang Jesu Keresete yo o tsileng mo nameng, ke o o tswang mo Modimong. Mme mowa mongwe le mongwe o o sa ipoleleng Jesu Keresete yo o tsileng mo nameng, ga o tswe mo Modimong, mme ke ona mowa wa moganetsa-Keresete o lo utlwileng gore o e tla, mme jaanong o setse o le mo lefatsheng. Lona banaka lo ba Modimo, mme lo ba fentse; gonne yo o mo go lona o mogolo bogolo go yo o mo lefatsheng. Bone ke ba lefatshe, ke ka ntlha ya moo ba buang tsa lefatshe, le gona lefatshe le a ba utlwa. Rona re ba Modimo. Yo o itseng Modimo o a re utlwa; yo e seng wa Modimo ga a re utlwe. Ke sona se re itseng Mowa wa boammaaruri le mowa wa timelo ka sona. Baratwa, a re rataneng; gonne lorato lo tswa Modimong, mme mongwe le mongwe yo o nang le lorato o tsetswe ke Modimo, e bile o itse Modimo. Yo o se nang lorato, ga a a ka a itse Modimo; gonne Modimo ke lorato. Lorato lwa Modimo lo bonetse mo go rona ka gore Modimo o rometse Morwaa-ona mo lefatsheng yo o tsetsweng a le esi, gore re tshele ka ene. Lorato lo ntse jaana: Ga se rona re ratileng Modimo, mme ke ona o ratileng rona, wa romela Morwaa-ona go nna thuanyo ya maleo a rona. Baratwa, fa Modimo o re ratile go le kalokalo, le rona re tshwanetse go ratana. Ga go ope yo o kileng a bona Modimo. Fa re ratana, Modimo o nna mo go rona, le lorato lwa one lo tletse mo go rona. Se re itseng ka sona gore re nna mo go ona, le ona mo go rona, ke fa o re abetse Mowa wa ona. Re bonye, re bile re supa gore Rara o rometse Morwawe go nna Mopholosi wa lefatshe. Mongwe le mongwe yo o ipolelang gore Jesu ke Morwa Modimo, Modimo o nna mo go ene, le ene mo Modimong. Mme re itsile, ra ba ra dumela lorato lo Modimo o re ratang ka lone. Modimo ke lorato, mme yo o nnang mo loratong o nna mo Modimong, le Modimo o nna mo go ene. Se lorato lo diregileng botlalo mo go rona ka sona ke sa go re, re tle re nne le namatshego ka letsatsi la katlholo; gonne mo lefatsheng leno re tshwana le ene. Poifo ga e yo mo loratong; lorato lo lo tletseng lo lelekela poifo kwa ntle, ka gonne poifo e na le petso, mme yo o boifang ga a a tlala mo loratong. Rona re a o rata; gonne ona o re ratile pele. Fa motho a re: “Ke rata Modimo,” mme a tlhoile morwa-rraagwe, ke moaki; gonne yo o sa rateng morwa-rraagwe yo a mmonyeng, a ka rata Modimo jang o a iseng a o bone? Mme taolo e re e amogetse mo go ona e e reng: Yo o ratang Modimo a a rate le morwa-rraagwe. Mongwe le mongwe yo o dumelang gore Jesu ke ene Keresete o tsetswe ke Modimo; mme mongwe le mongwe yo o ratang one o o tsetseng, e bile o rata ba ba tsetsweng ke one. Se re itseng ka sona gore re rata bana ba Modimo ke fa re rata Modimo, re be re dirafatsa ditaolo tsa ona. Gonne lorato lwa go rata Modimo ke fa re tshegetsa ditaolo tsa ona, mme ditaolo tsa ona ga di thata. Gonne botlhe ba ba tsetsweng ke Modimo ba fenya lefatshe; mme tumelo ya rona ke yona phenyo e e fentseng lefatshe. Mme ke mang yo o fenyang lefatshe fa e se ene yo o dumelang gore Jesu ke Morwa Modimo? Yo ke ene yo o tsileng ka metsi le madi, Jesu Keresete, e seng ka metsi a le osi, mme e le ka metsi le madi. Mme Mowa ke one o o supang, gonne Mowa ke boammaaruri. Gonne go ba bararo ba ba supang, e bong Mowa le metsi le madi; boraro jo, bo supela gongwe. Fa re tshola tshupo ya batho, tshupo ya Modimo e kgolo bogolo; gonne tshupo ya Modimo ke yona e, e o e supileng ka ga Morwaa-ona. Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le tshupo mo teng ga gagwe. Yo o sa dumeleng Modimo o o dirile moaki, ka a se ka a dumela tshupo e Modimo o e supileng ka ga Morwaa-ona. Mme tshupo eo ke e e reng: Modimo o re neile bophelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwaa-ona. Yo o nang le Morwa o na le bophelo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na bophelo. Dilo tseo ke di lo kwaletse gore lona ba lo dumelang mo leineng la Morwa Modimo, lo itse gore lo na le bophelo jo bo sa khutleng. Mme namatshego e re nang nayo mo go ona ke ya gore o a re utlwa, fa re kopa sengwe ka fa go rateng ga ona. Mme fa re itse gore o a re utlwa, le fa re ka ne re kopa eng, foo re itse gore re setse re tshotse tse re di kopileng mo go ona. Fa motho a bona morwa-rraagwe a leofa ka boleo jo bo sa iseng kwa losong, a a kope, mme Modimo o tla mo neela bophelo, o bo neela ba ba sa leofang ka boleo jo bo isang kwa losong. Go na le boleo jo bo isang kwa losong; ga ke bue ka ga jona, fa ke re, a a kope. Tshiamololo nngwe le nngwe ke boleo; mme go na le boleo jo bo sa iseng kwa losong. Re itse gore mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a leofe; yo Modimo o mo tsetseng o a mmoloka, mme yo-o-bosula ga a na go mo tshwara. Re itse gore re ba Modimo; mme lefatshe lotlhe le mo thateng ya yo-o-bosula. Re bile re itse gore Morwa Modimo o tsile, a re naya tlhaloganyo ya gore re itse ene yo e leng boammaaruri. Mme re mo go ene yo e leng boammaaruri, mo go Morwaa-ona, Jesu Keresete. Yoo ke ene Modimo wa boammaaruri le bophelo jo bo sa khutleng. Banaka, itiseng mo medimong e sele. Nna yo mogolo, ke kwalela mohumagadi yo o tlhaotsweng, le bana ba gagwe ba ke ba ratang ruri, mme e seng nna fela, ba bile ba ratwa ke botlhe ba ba itseng boammaaruri. Ke ka ntlha ya jona boammaaruri jo bo ntseng mo go rona, jo bo tla nnang le rona ka bosakhutleng. Ka re: Bopelotlhomogi bo tla nna le rona le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Jesu Keresete, Morwa Rara, ka boammaaruri le ka lorato. Ke itumetse thata, ka ke fitlhetse bangwe ba bana ba gago ba tsamaya mo boammaaruring, jaaka re amogetse taolo mo go Rara. Mme jaanong ke a go rapela, mohumagadi, e seng jaaka e kete ke go kwalela taolo e ntšhwa, mme ke e re sa leng re e tshola go tswa tshimologong gore re ratane. Mme lorato ke lwa gore re tsamae ka fa ditaolong tsa ona; taolo ke ya gore lo sepele mo go lone jaaka lo sa le lo e utlwa go tloga tshimologong; gonne batsietsi ba bantsi ba bololetse mo lefatsheng, ba ba sa ipoleleng Jesu yo o tsileng mo nameng. Yo o ntseng jalo ke ene motsietsi le moganetsa-Keresete. Itlhokomeleng gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re di dirileng, lo tle lo amogele tuelo e e tletseng. Mongwe le mongwe yo o fapogang, a sa nne mo thutong ya ga Keresete, ga a na Modimo; yo o nnang mo thutong eo ke ene yo o nang le Rara le Morwa. Fa mongwe a ka tla go lona, a sa rute thuto e, lo se ka lwa mo tsholela mo ntlong, le gona lo se ka lwa mo dumedisa. Gonne yo o mo dumedisang o tlhakanela ditiro tse di bosula tsa gagwe nae. Le fa ke na le dilo tse dintsi go di lo kwalela, ke ne ke sa rate go dira jalo ka pampiri le enke; gonne ke solofela gore ke tla tla koo go lona, mme re tla buisanya ka molomo gore boitumelo jwa rona e nne jo bo tletseng. Bana ba ga morwadia-mmaago yo o tlhaotsweng ba a go dumedisa. Nna yo mogolo ke kwalela Gayo yo o rategang, yo ke mo ratang ka nnete. Moratwa, ke eletsa gore o tshele sentle mo dilong tsotlhe, o nne yo o itekanetseng mo mmeleng jaaka mowa wa gago o phela pila. Gonne ke itumetse thata, jale fa bakaulengwe ba tla, ba supa ka ga boammaaruri jwa gago, jaaka o ntse o tsamaya mo boammaaruring. Ga ke na boitumelo jo bo fetang joo jwa go utlwa gore bana ba me ba tsamaya mo boammaaruring. Moratwa, o dira tiro nngwe le nngwe ka boikanyo, e o e direlang badumedi-ka-wena ba e leng baeng; ba supile fa pele ga phuthego ka ga lorato lwa gago. O tla bo o dira sentle, fa o ba tsamaisa pila ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo. Gonne ba bolotse ka ntlha ya leina la ga Keresete ba sa tsee sepe mo baheitaneng. Ke ka moo re tshwanetseng go tshola ba ba ntseng jalo gore re nne badiredi ba boammaaruri mmogo. Nkile ka kwalela phuthego lefoko lengwe, mme Dioterefese yo o ratang go nna wa ntlha mo go bone ga a re tshole. Ka ntlha ya moo, e tla re ke tla, ke mo gopotse ditiro tsa gagwe tse a di dirang, ka a ntse a re senya ka mafoko a a bosula; mme tseo ga di ise di mo lekane, nnyaya, ene ka esi ga a tshole bakaulengwe, e bile o kganela ba ba ratang go dira jalo, a ba leleke mo phuthegong. Moratwa, o se ka wa latela se se bosula, mme o latele se se molemo. Yo o dirang molemo o tswa Modimong; yo o dirang bosula ga a bona Modimo. Demeterio o na le tshupo ya batho botlhe le ya boammaaruri ka josi gore o siame, ee, le rona re supa jalo, mme wena o itse gore tshupo ya rona ke boammaaruri. Ke na le dilo tse dintsi tse nka di go kwalelang, mme ga ke rate go di go kwalela ka enke le pene. Mme ke solofela gore ke tla akofa ke go bona, mme re tla buisanya ka molomo. Kagiso a e nne nao! Ditsala di a go dumedisa. Dumedisa ditsala ka maina. Nna Juta, motlhanka wa ga Jesu Keresete le monnaa Jakobo, ke kwalela ba ba biditsweng, ba ba ratilweng mo go Modimo Rara, ba ba boloketsweng Jesu Keresete: A boutlwelo-botlhoko le kagiso le lorato di lo ntsifalele! Baratwi, e rile ke ikaeletse ka tlhoafalo yotlhe go lo kwalela ka ga pholoso e re e tlhakanetseng, ka patelesega go lo kwalela go lo kgothatsa gore lo tlhabanele tumelo e e kileng ya neelwa baitshepi gangwe fela. Gonne go itshusumeditse batho bangwe ba e sa leng bogologolo ba kwaletswe katlholo ya go re: Ke baikepi ba ba fetolang bopelotlhomogi jwa Modimo wa rona boitaolo, mme ba itatola Molaodi yo o tlhelele, Morena wa rona Jesu Keresete. Mme lona, le fa dilo tsotlhe tse lo ntse lo di itse, ke rata go lo gakolola gore e rile Morena a sena go golola morafe kwa lefatsheng la Egepeto, a boa a nyeletsa bone ba ba se kang ba dumela. Le baengele ba ba se kang ba boloka maemo a bone, mme ba tlogela boago jwa bone, o ba boloketse katlholo ya letsatsi le legolo ka dikgole tse di sa khutleng mo lefifing; jaaka ba Sotoma le Gomora le ba metse e e neng e le mo tikologong, ba ba akafetseng ka mokgwa wa bao, ba latela nama e sele, ba beilwe go nna sekao ka go boga petso ya molelo o o sa khutleng. Le fa go ntse jalo le bone bao ba leswefatsa nama jalo, ba dirwa ke ditoro tsa bone, ba nyatsa borena, ba kgala baengele ba ba galalelang. Mme Migaele, moengele yo mogolo, e rile a omana le Diabolo, a ganetsanya nae ka ga serepa sa ga Moše, a tshaba go atlhola ka go mo gobolola, mme a bua a re: “A Morena a go kgalemele!” Mme bao ba kgala tsotlhe tse ba sa di itseng; mme tsotlhe tse ba di itseng ka fa tlhagong jaaka diphedi tse di se nang tlhaloganyo di di itse, tseo ba itshenya ka tsona. A tatlhego ya bone wee! Gonne ba tsamaile ka tsela ya ga Kaine, ba itatlhela mo timelong ka ntlha ya tuelo jaaka Bileame, ba latlhega ka go rukhutlha jaaka Kora. Bao ke dibala tsa ditlhong mo meletlong ya lona ya lorato, ga ba boife go ja le lona le go inontsha fela. Ke maru a a se nang metsi, a a kgweediwang ke diphefo; ke ditlhare tsa mariga tse di se nang maungo, tse di suleng gabedi, di kumotswe. Ke makhubu a lewatle a a gwasang, ba phoka mafulo a ditlhong tsa bone; ke dinaledi tse di kailang, ba boloketswe bontsho jwa lefifi ka bosakhutleng. Le ene Henoge, motho wa bosupa go tloga mo go Atame o boleletse pele ka ga bone a re: “Bona, Morena o e tla, a na le masomosomo a a boitshepo a gagwe, go tla go sekisa botlhe le go betsa baikepi botlhe ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa boikepo jwa bone, tse ba di dirileng ka go ikepa, le ka ntlha ya mafoko otlhe a bodipa a baleofi bao ba ba ikepileng ba a buileng ka ga gagwe.” Bao ke bangongoregi ba ba galalang tse ba di newang, ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone; le gona melomo ya bone e bua mafoko a bodipa, ba ntse ba tlakisa batho go ipatlela thuso. Mme lona, baratwi, gakologelwang mafoko a a sa leng a buiwa ke baapostolo ba Morena wa rona Jesu Keresete, ba lo boleletse ba re: “Mo sebakeng sa bofelo go tla nna basotli ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone tsa boikepo.” Ba ke bone ba ba dirang dikgaogano, e le batho ba nama fela, ba ba se nang Mowa. Mme lona, baratwi, ikageng mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, lo rapele ka Mowa o o Boitshepo, lo ipoloke mo loratong lwa Modimo, lo lebeletse kutlwelo-botlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete e e isang bophelong jo bo sa khutleng. Mme ba bangwe ba ba belaelang lo ba utlwele botlhoko, lo ba pholose ka go ba swatola mo molelong; ba bangwe bone lo ba utlwele botlhoko ka go boifa, lo ntse lo tlhoile le sona seaparo se se kgotletsweng ke nama. Mme ona o o nonofileng go lo boloka gore lo se kgotšwe, le go lo emisa fa pele ga kgalalelo ya ona, lo se na molato ope, lo duduetsa, e bong Modimo o osi, Mopholosi wa rona ka Jesu Keresete, Morena wa rona, a kgalalelo e nne ya one le borena le thata le puso ka metlha e e fetileng le jaanong le ka bosakhutleng! Amen. Tshenolo ya ga Jesu Keresete, e Modimo o e mo neetseng go bontsha batlhanka ba gagwe dilo tse di tshwanetseng go akofa di dirafala; o ne a roma moengele wa gagwe, a e itsise Johane, motlhanka wa gagwe, yo o supileng ka ga Lefoko la Modimo le ka ga tshupo ya ga Jesu Keresete, e bong dilo tsotlhe tse o di bonyeng. Go sego yo o buisang le ba ba utlwang mafoko a polelelopele, ba boloka tse di kwadilweng mo teng; gonne sebaka se atametse. Ke nna Johane, ke kwalela diphuthego tse supa tse di mo Asia: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go yo o leng teng, e bile o ne a le teng, e bile ke yo o tla tlang, le mo Meweng e supa, e e fa pele ga sedulo sa gagwe sa bogosi, le mo go Jesu Keresete, mosupi yo o ikanyegang, motsalwapele wa baswi, molaodi wa dikgosi tsa lefatshe! Ene yo o re ratileng, a ba a re golola mo maleong a rona ka madi a gagwe, a ba a re dira dikgosi le baperesiti ba Modimo, Rraagwe; a kgalalelo e nne ya gagwe le thata go ya bosakhutleng! Amen. Bonang, o tla a le mo marung, matlho otlhe a tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla lela ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen. “Ke nna Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo yo o leng teng, e bile o ne a le teng, e bile ke yo o tla tlang, Mothatayotlhe. Nna Johane, morwa-rraalona, yo o tlhakanetseng le lona pitlagano le puso le boitshoko mo go Jesu, ke ne ke le mo setlhakatlhakeng se se bidiwang Patemose ka ntlha ya Lefoko la Modimo le ka ntlha ya go supa ka ga Jesu. Ke ne ka tsenwa ke Mowa ka Letsatsi la Morena, ka utlwa lentswe le legolo kwa morago ga me, e kete la phala, le re: “Se o se bonang, o se kwale mo lokwalong, o lo romele kwa diphuthegong tse di supang, kwa Efeso le Semerina le Peregamo le Thiatira le Saredise le Filatelefia le Laodikea.” Jaanong ka retologa gore ke bone lentswe le le buang le nna; fa ke retologa, ka bona ditlhomo tsa dipone tsa gouta di supa; mo gare ga ditlhomo tsa dipone ka bona mongwe yo o tshwanang le Morwa-Motho, a apere seaparo se se fitlhang kwa dinaong, a itlamile sehuba ka moitlamo wa gouta; tlhogo ya gagwe le moriri di le ditshweu jaaka boboa jo bosweu le jaaka semathana; matlho a gagwe a ntse jaaka kgabo ya molelo; dinao tsa gagwe di ntse jaaka kgotlho e khibidu, e e besitsweng mo leisong; lentswe la gagwe le ntse jaaka kgwaso ya metsi a le mantsi. O ne a tshotse dinaledi di supa ka seatla se se jang, mo molomong wa gagwe go dule tšhaka e e bogale, e e magale mabedi; sefatlhego sa gagwe se le jaaka letsatsi, fa le phatsima ka thata ya lone. E rile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka moswi; mme a mpaya seatla se se jang a re: “O se ka wa boifa; ke nna wa ntlha le wa bofelo le yo o phelang; ke ne ke sule, mme ke phela ka bosakhutleng; ke tshotse dilotlele tsa loso le tsa felo ga baswi. Jaanong kwala dilo tse o di bonyeng le tse di leng teng le tse di tla dirafalang morago ga tse. Bosaitsiweng jwa dinaledi di supa, tse o di bonyeng mo seatleng sa me se se jang, le jwa ditlhomo tsa dipone tsa gouta di supa ke jo: Dinaledi di supa ke baengele ba diphuthego di supa; ditlhomo dipone di supa ke diphuthego di supa. “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Efeso o re: ‘Yo o tshotseng dinaledi di supa mo seatleng se se jang, yo o tsamayang mo gare ga ditlhomo tsa dipone tsa gouta di supa, o bua jaana a re: “ ‘Ke itse ditiro tsa gago le matsapa a gago le tlhomamo ya gago, le ka fa o sa ka keng wa itshokela batho ba ba bosula ka teng; o lekile ba ba ipitsang baapostolo, etswe e se bone, wa ba fitlhela e le baaki; o na le tlhomamo, o itshokile ka ntlha ya leina la me, wa se ka wa lapa. Mme fela, se ke go nyatsang ka sona ke se: O tlogetse lorato lwa gago lwa ntlha. Jaanong gopola se o oleng mo go sona o tlhabologe, o dire ditiro tsa ntlha; fa o sa dire jalo, ke tla tla koo go wena, ke tlosa setlhomo sa gago sa lobone mo bonnong jwa sona, fa o sa tlhabologe. Mme se o nang naso ke se: O tlhoile ditiro tsa Banikolaite, tse le nna ke di tlhoileng. “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ke tla mo naya go ja setlhare sa bophelo se se mo Parateiseng ya Modimo.’ “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Semerina o re: ‘Yo e leng wa ntlha le wa bofelo, yo o neng a sule, a ba a phela, o bua jaana a re: “ ‘Ditiro tsa gago le pitlagano ya gago le khumanego ya gago ke a di itse, mme o humile – le kgalo ke a e itse ya ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bone, e le ba phuthego ya ga Satane. O se ka wa boifa tse o tla di bogang. Bona, Diabolo o tla latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe; lo tla nna le pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanyo go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo. “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ga a nke a tlhokofadiwa ke loso lwa bobedi.’ “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Peregamo o re: ‘Yo o tshotseng tšhaka e e bogale, e e magale mabedi, o bua jaana a re: “ ‘Ke itse ditiro tsa gago le kwa o agileng teng, kwa sedulo sa ga Satane se leng teng; o itshwareletse ka leina la me, wa se ka wa itatola go dumela mo go nna, le e seng ka malatsi a Antipase, moswela-tumelo wa me yo o boikanyo, o bolaetsweng koo go lona ka ona, kwa Satane o agileng teng. Mme go na le dilo di se kae tse ke go nyatsang ka ntlha ya tsona, ka o na le bangwe koo ba ba dumelanang le thuto ya ga Bileame yo o rutileng Balake go beela Baiseraele sekgopi gore ba je tse di tlhabetsweng medimo ya diseto le go dira boaka. E bile o na le bangwe ba ba kgomaretseng thuto ya Banikolaite e ke e tlhoileng. Jaanong he: Tlhabologa! Mme fa o sa dire jalo, ke tla akofa ke tla koo go wena, ke tlhabana nabo ka tšhaka ya molomo wa me. “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ke tla mo naya Mmana o o fitlhegileng, ke mo naya lentswe le lesweu; mo lentsweng leo go kwadilwe leina le lešwa le go seng ope yo o le itseng, fa e se yo o le amogelang.’ “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Thiatira o re: ‘Morwa Modimo yo o nang le matlho a a ntseng jaaka kgabo ya molelo, yo maoto a gagwe a tshwanang le kgotlho e khibidu, o bua jaana a re: “ ‘Ke itse ditiro tsa gago le lorato le tumelo le tirelo le tshwarelelo ya gago le gore ditiro tsa gago tsa morago di gaisa tsa pele. Mme se ke go nyatsang ka sona ke se: O leseletsa mosadi yole, e bong Isebele yo o ipitsang moporofeti, a ruta, a timetsa batlhanka ba me gore ba akafale le gore ba je tse di tlhabetsweng medimo ya diseto. Ke mo neile sebaka gore a fetoge pelo, mme ga a rate go bakela boaka jwa gagwe. Bona, ke mo latlhela mo bolaong jwa bolwetse; ba ba dirang boaka nae ke tla ba latlhela mo pitlaganong e kgolo, fa ba sa tlhabologe, ba tlogela ditiro tsa gagwe. Bana ba gagwe ke tla ba bolaya ka loso; diphuthego tsotlhe di tla itse gore ke nna yo o tlhotlhomisang diphilo le dipelo; mongwe le mongwe wa lona ke tla mo naya ka fa ditirong tsa gagwe. “ ‘Mme lona ba bangwe ba lo mo Thiatira, ba lo sa dumalaneng le thuto eo, lo sa itse dilo tse ba di bitsang madiba a ga Satane, ke lo raya ke re: Ga ke lo rwese morwalo o sele. Mme fela se lo nang naso lo se tshware go ya ke be ke tle. Yo o fenyang, a tlhokomela ditiro tsa me go ya bofelong, ke tla mo naya thata mo baheitaneng. O tla ba busa ka lore lwa tshipi, jaaka dijana tsa letsopa di a tle di thubaganngwe; jaaka le nna ke amogetse mo go Rre. Ke tla mo naya naledi ya moso. “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’ “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Saredise o re: ‘Yo o nang le Mewa e supa ya Modimo le dinaledi tse di supang o bua jaana a re: “ ‘Ke itse ditiro tsa gago gore o na le leina la gore o a phela, mme tota o sule. Thanya o tiise ba ba setseng, ba ba gaufi le go swa; gonne ditiro tsa gago ke fitlhetse di sa tlala fa pele ga Modimo wa me. Jaanong he, gakologelwa ka fa o amogetseng, wa utlwa ka teng, o ele tlhoko, o be o sokologe. Fa o sa itise jaanong, ke tla tla jaaka legodu; mme ga o kitla o itse nako e ke tla go welang ka yona. Le gale o na le maina a se kae mo Saredise a ba ba sa kgotlelang diaparo tsa bone; bao ba tla tsamaya le nna ka diaparo tse ditshweu, ka gonne go ba tshwanetse. Yo o fenyang o tla apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; ga nkitla ke phimola leina la gagwe mo bukeng ya bophelo; mme ke tla ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre le fa pele ga baengele ba gagwe. “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’ “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Filatelefia o re: ‘Yo o boitshepo, yo o boammaaruri, yo o tshotseng selotlele sa ga Dafita, yo e a reng a bula, go se nne ope yo o ka tswalang, yo e a reng a tswala, go se nne ope yo o ka bulang, o bua jaana a re: “ ‘Ke itse ditiro tsa gago; bona, ke go neile lobati lo lo bulegileng fa pele ga gago, lo lo sa ka keng lwa tswalwa ke ope; ka gonne o na le thata e nnye, mme o tshegeditse lefoko la ka; wa se ka wa itatola leina la ka. Reetsa, ke go naya bangwe ba phuthego ya ga Satane ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bona, mme ba a aka; bona, ke tla dira gore ba tle, ba obamele fa dinaong tsa gago, ba lemoge gore ke go ratile. E re ka o bolokile lefoko le le reng o tshwarelele mo go nna, le nna ke tla go femela ka nako ya thaelo e e tla welang lefatshe lotlhe gore go raelwe ba ba agileng mo go lone. Reetsa, ke tla akofa ke tla; tshwara se o nang naso gore go se nne ope yo o go amogang serwalo. Yo o fenyang ke tla mo dira pilara mo Tempeleng ya Modimo wa ka, mme ga a kitla a tlhola a tswa teng; ke tla kwala leina la Modimo wa me mo go ene le leina la motse wa Modimo wa me, e bong Jerusalema yo mošwa, yo o fologang mo legodimong kwa Modimong wa me; ke be ke kwala leina la me le lešwa mo go ene. “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’ “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Laodikea o re: ‘Yo e leng Amen, mosupi yo o boikanyo le boammaaruri, mosimolodi wa lobopo lwa Modimo, o bua jaana a re: “ ‘Ke itse ditiro tsa gago gore ga o tsididi, e bile ga o bolelo. E kete o ka bo o le tsididi gongwe o le bolelo! Jaanong ka o le bothitho fela, o se molelo le e seng tsididi, ke tla go kgwa ka molomo wa me. Gonne o a re, o mohumi, o humile, ga o tlhoke sepe; mme o sa itse gore o mmogisegi, o tlhomola pelo, o tletse lehuma, o sefofu, ga o a ikatega. Ke go gakolola gore o reke gouta mo go nna e e itshekisitsweng ka molelo gore o tle o hume, le diaparo tse ditshweu gore o tle o apare, mme ditlhong tsa bosaikatega jwa gago di se ka tsa senoga, le setlhare sa matlho go itlotsa matlho gore o tle o bone. Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela, ke a ba watlhaya; ka moo he, nna matlhagatlhaga o tlhabologe. Bona, ke eme fa mojako, ke a konyakonya. Fa motho a utlwa lentswe la ka, a ba a bula lobati, ke tla tsena kwa go ene, ke ja selalelo nae le ene le nna. Yo o fenyang ke tla mo naya gore a nne le nna mo sedulong sa ka sa bogosi, jaaka le nna ke fentse, ke ntse le Rre mo sedulong sa gagwe sa bogosi. “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’ ” Morago ga dilo tseo ka bona mojako mo legodimong o bulegile; lentswe la ntlha le ke le utlwileng le bua le nna e kete la lonaka la re: “Tlhatlogela kwano; ke tla go bontsha tse di tshwanetseng go dirafala metlheng e e tlang.” Jaanong ka akofa ka tsenwa ke Mowa; ka bona sedulo sa bogosi, se beilwe mo legodimong le mongwe a ntse mo go sona. Yo o ntseng mo go sona o ne a tshwana le lentswe la botlhokwa la jasepise le saredise; motshewabadimo wa bo o dikanyeditse sedulo sa bogosi, o tshwana le lentswe la semarage. Mo tikologong ya sedulo sa bogosi go ne go le ditulo di le 24; ka bona bagolo ba le 24 ba ntse mo ditulong tseo, ba apere diaparo tse ditshweu, ba rwele dirwalo tsa bogosi tsa gouta mo ditlhogong. Go ne go tswa dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru mo sedulong sa bogosi. Dipone tse supa tsa bo di tuka fa pele ga sedulo, tse e leng Mewa e supa ya Modimo. Fa pele ga sedulo go ne go ntse jaaka lewatle la galase, le tshwana le legakwa le le galalelang; mo gare, fa sedulong, e bong mo tikologong ya sona go na le diphedi di le nne, di tletse matlho ka fa pele le ka fa morago. Setshedi sa ntlha se ne se tshwana le tau; sa bobedi se tshwana le poana; sa boraro se na le sefatlhego se se tshwanang le sa motho; sa bone se tshwana le ntswi fa e fofa. Sengwe le sengwe sa diphedi tse nne tseo se ne se na le diphuka di le thataro, di tletse matlho ka fa ntle le ka fa teng, di sa ikhutse bosigo le motshegare, di ntse di bua di re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Morena, Modimo Mothatayotlhe yo o neng a le teng, yo o leng teng, yo o tla tlang!” Jaanong e a re ditshedi di neela yo o ntseng mo sedulong kgalalelo le tlotlo le tebogo, e bong ene yo o tshelang ka bosakhutleng, bagolo ba ba 24 ba itigele fa pele ga yo o ntseng mo sedulong, ba obamele ene yo o phelang ka bosakhutleng, ba bee dirwalo tsa bona tsa bogosi fa pele ga sedulo, ba bue ba re: “Morena, Modimo wa rona, o tshwanetse go amogela kgalalelo le tlotlo le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, tsa nna teng, di bopilwe ka fa thatong ya gago.” Jaanong ka bona lokwalo mo letsogong le le jang la yo o ntseng mo sedulong, lo kwadilwe ka fa teng le ka fa ntle, lo kannwe ka dikano tse supa. Ka ba ka bona moengele yo o thata, a buela kwa godimo a re: “Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go bula lokwalo le go kanolola dikano tsa lone?” Mme ga bo go se ope mo legodimong le mo lefatsheng le kwa tlase ga lefatshe yo o nonofileng go ka bula lokwalo, le fa e le go ka leba mo go lone. Jaanong ka lela thata, ka go sa fitlhelwe ope yo o nang le tshwanelo ya go ka bula lokwalo, le fa e le go leba mo go lone. Mme mongwe wa bagolo a nthaya a re: “Se lele; bona, Tau e e leng ya lotso lwa Juta, Modi wa ga Dafita, o fentse gore a bule lokwalo le go kanolola dikano di supa tsa lone.” Jaanong fa gare, fa pele ga sedulo le diphedi tse nne le mo gare ga bagolo ka bona Kwana e eme, e kete e tlhabilwe, e na le dinaka di supa le matlho a supa a e leng Mewa e supa ya Modimo, e e rometsweng kwa lefatsheng lotlhe. Yona ya tla, ya tsaya lokwalo mo letsogong le le jang la yo o ntseng mo sedulong. Ya re e tsaya lokwalo, diphedi tse nne le bagolo ba ba 24 ba wela fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe a tshotse harepa le megotšwana ya gouta e tletse maswalo a e leng merapelo ya baitshepi. Ba opela sefela se sešwa ba re: “Go go tshwanetse go tsaya lokwalo le go kanolola dikano tsa lone, ka o tlhabilwe; mme batho ba ditso tsotlhe le ba dipuo tsotlhe le ba ditšhaba tsotlhe le ba merafe yotlhe wa ba rekololela Modimo ka madi a gago, wa ba dira dikgosi le baperesiti ba Modimo wa rona ba ba tla busang mo lefatsheng.” Jaanong ka bona, ka ba ka utlwa mantswe a baengele ba le bantsi tikologong ya sedulo le ya diphedi le ya bagolo; palo ya bone e ne e le 10 000 ga 10 000 le dikete ga dikete, ba bua ka lentswe le legolo ba re: “Kwana e e tlhabilweng e na le tshwanelo ya go tshola thata le khumo le botlhale le nonofo le tlotlo le kgalalelo le poko.” Jaanong ka utlwa sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong le mo lefatsheng le kwa tlase ga lefatshe le mo lewatleng le tsotlhe tse di mo go tsona di re: “A poko le tlotlo le kgalalelo le puso e nne tsa yo o ntseng mo sedulong le tsa Kwana go ya bosakhutleng!” Diphedi tse nne tsa re: “Amen;” bagolo ba wela fa fatshe, ba obamela yo o phelang go ya bosakhutleng. E rile Kwana e kanolola sekano sengwe sa dikano tse di supang, ka bona, ka ba ka utlwa sengwe sa diphedi tse nne se bua jaaka tumo ya maru se re: “Tlaya o bone!” Ka leba, ka bona pitse e tshweu; yo o e palameng a bo a tshotse bora; mme a newa serwalo, a ba a bolola e le mofenyi gore a fenye. Ya re e kanolola sekano sa bobedi, ka utlwa sephedi sa bobedi se re: “Tlaya o bone!” Jaanong ga tswa pitse e nngwe e e bohibidu jwa molelo; yo o e palameng a newa thata ya go tlosa kagiso mo lefatsheng le go dira gore batho ba bolayane; a ba a newa tšhaka e kgolo. Ya re e kanolola sekano sa boraro, ka utlwa sephedi sa boraro se re: “Tlaya o bone!” Ka leba, ka bona pitse e ntsho; yo o e palameng a bo a tshotse selekanyetso ka letsogo. Ka ba ka utlwa lentswe le bua mo gare ga diphedi tse nne le re: “Tlatlana ya korong e ja šeleng, ditlatlana di le tharo tsa garase di ja šeleng; mme o se ka wa senya lookwane le weine.” Ya re e kanolola sekano sa bone, ka utlwa sephedi sa bone se re: “Tlaya o bone!” Ka leba, ka bona pitse e tshetlha; yo o e palameng leina la gagwe ga twe Loso; felo ga baswi go ne go mo setse morago. Ba newa thata ya go bolaya karolo ya bone ya lefatshe ka tšhaka le ka loso lwa leroborobo le ka dibata tsa lefatshe. Ya re e kanolola sekano sa botlhano, ka bona fa tlase ga aletare go le mewa ya ba ba bolailweng ka ntlha ya Lefoko la Modimo le ka ntlha ya tshupo e ba nang nayo. Ba buela kwa godimo ba re: “Mmusi yo o boitshepo, yo o boammaaruri, go goleele go le kae, o sa atlhole, wa busolosetsa madi a rona mo go bona ba ba agileng mo lefatsheng?” Jaanong mongwe le mongwe wa bone a newa seaparo se sesweu, ba bolelelwa gore ba name ba sa ikhutsitse sebakanyana go ya palo e be e tlale ya batlhanka-ka-bone le ya badumedi-ka-bone ba le bone ba tla bolawang jaaka bone. Ya re e kanolola sekano sa borataro, ka bona thoromo e kgolo ya lefatshe, letsatsi la ntshofala, la nna jaaka kgetse ya boditse, ngwedi otlhe wa nna jaaka madi; dinaledi tsa legodimo tsa wela mo lefatsheng, jaaka setlhare sa feie se tlhotlhorega mmono wa sona, fa se tsubutliwa ke phefo e e thata. Legodimo lone la katoga jaaka lokwalo, fa lo phuthwa, dithaba tsotlhe le ditlhakatlhake tsa katosiwa mo mannong a tsona. Dikgosi tsa lefatshe le batlotlegi le balaodi le bahumi le ba ba thata le batlhanka botlhe le bagololesegi botlhe ba iphitlha mo dikgageng le mo mafikeng a dithaba, ba raya dithaba le mafika ba re: “Re weleng godimo, lo re fitlhele sefatlhego sa yo o ntseng mo sedulong sa bogosi le bogale jwa Kwana; ka gonne letsatsi le legolo la bogale jwa gagwe le fitlhile; ke mang yo o nonofileng go ka ema?” Morago ga moo ka bona baengele ba le bane ba eme fa dikhutlong tse nne tsa lefatshe, ba tshwere diphefo tse nne tsa lefatshe gore go se ka ga foka phefo epe mo lefatsheng le e seng mo lewatleng le e seng mo setlhareng sepe. Ka ba ka bona moengele yo mongwe a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le sekano sa Modimo o o phelang; a kuela ka lentswe le legolo kwa baengeleng ba bane ba ba neilweng go senya lefatshe le lewatle a re: “Lo se ka lwa senya lefatshe le e seng lewatle le e seng ditlhare, go ya re tshwae batlhanka ba Modimo wa rona pele mo diphatleng tsa bone.” Jaanong ka utlwa palo ya ba ba tshwailweng, e le batshwaiwa ba le 144 000, ba tswa mo lotsong longwe le longwe lwa bomorwa Iseraele: Ba lotso lwa ga Juta e le batshwaiwa ba le 12 000; ba lotso lwa ga Rubene e le 12 000; ba lotso lwa ga Gate e le 12 000; ba lotso lwa ga Asere e le 12 000; ba lotso lwa ga Nafetale e le 12 000; ba lotso lwa ga Manase e le 12 000; ba lotso lwa ga Simeone e le 12 000; ba lotso lwa ga Lefi e le 12 000; ba lotso lwa ga Isašare e le 12 000; ba lotso lwa ga Sebulone e le 12 000; ba lotso lwa ga Josefa e le 12 000; ba lotso lwa ga Benyamene e le batshwaiwa ba le 12 000. Morago ga dilo tseo ka leba, ka bona lesomo le legolo la batho le le sa ka keng la balwa ke ope, e le ba ditšhaba tsotlhe le ba ditso le ba merafe le ba dipuo ba eme fa pele ga sedulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere diaparo tse ditshweu, ba tshotse dikala tsa mokolane ka diatla; ba tshela lošalaba lo logolo ba re: “Pholoso e mo Modimong wa rona o o ntseng mo sedulong sa bogosi le mo Kwaneng!” Baengele botlhe ba bo ba eme mo tikologong, sedulo se le fa gare le bagolo le diphedi tse nne, ba wela fa pele ga sedulo ka difatlhego, ba obamela Modimo ba re: “Amen! A poko le kgalalelo le botlhale le tebogo le tlotlo le thata le nonofo e nne tsa Modimo wa rona go ya bosakhutleng! Amen.” Jaanong mongwe wa bagolo a mpotsa a re: “Ba ba apereng diaparo tse ditshweu ba, ke bomang, ba tswa kae?” Ka mo raya ka re: “Morena wa me, go itse wena.” A nthaya a re: “Ba ke bone ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse diaparo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a Kwana. Ke ka ntlha ya moo ba leng fa pele ga sedulo sa bogosi sa Modimo, ba o direla bosigo le motshegare mo Tempeleng ya ona; mme yo o ntseng mo sedulong o tla tsharolola tente ya gagwe godimo ga bone. Ga ba kitla ba tlhola ba bolawa ke tlala le fa e le lenyora, le letsatsi ga le kitla le ba fisa le fa e le mogote ope; gonne kwana e e fa gare fa pele ga sedulo e tla ba fudisa, e ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo; mme Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” E rile Kwana e kanolola sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong e ka nna botlhanngwe jwa nako. Jaanong ka bona baengele ba supa, ba ba emeng fa pele ga Modimo, ba neelwa diphala di supa. Moengele yo mongwe a tla, a ema fa aletareng, a tshotse leiswana la gouta, a ba a neelwa maswalo a mantsi gore a a supelele merapelo ya baitshepi botlhe mo aletareng ya gouta e e fa pele ga sedulo sa bogosi. Mme musi wa maswalo a a tshubetsweng dithapelo tsa baitshepi wa tlhatloga, wa tswa seatleng sa moengele, wa fitlha fa pele ga Modimo. Jaanong moengele a tsaya leiswana, a le tlatsa molelo wa aletare, a o latlhela mo lefatsheng; ke fa go tla mantswe le ditumo tsa maru le dikgadima le thoromo ya lefatshe. Jaanong baengele ba supa, ba ba nang le diphala di supa, ba iketleeletsa go di letsa. Moengele wa ntlha a letsa; mme ga na sefako le molelo di tlhakanye le madi, tsa latlhelwa mo lefatsheng; karolo ya boraro ya lefatshe ya šwa le karolo ya boraro ya ditlhare ya šwa le bojang jotlhe jo botala jwa šwa. Moengele wa bobedi a letsa; mme ga nna jaaka e kete thaba e kgolo e e tukang molelo e latlhelwa mo lewatleng; karolo ya boraro ya lewatle ya ba ya fetoga madi, le karolo ya boraro ya diphedi tsa lewatle ya swa, le karolo ya boraro ya dikepe ya senngwa. Moengele wa boraro a letsa, mme ga wa naledi e kgolo mo legodimong, e tuka jaaka serumola, ya wela mo karolong ya boraro ya dinoka le mo metsweding ya metsi. Leina la naledi eo ke Longana; jaanong karolo ya boraro ya metsi ya nna longana, mme batho ba bantsi ba swa ka metsi ao, ka a fetogile bogalaka. Moengele wa bone a letsa; mme karolo ya boraro ya letsatsi ya itewa le karolo ya boraro ya ngwedi le karolo ya boraro ya dinaledi, gore karolo ya boraro ya tsona e fifale le gore karolo ya boraro ya motsi e tlhoke lesedi, le bosigo fela jalo. Ka bona, ka ba ka utlwa moengele e kete ntswi a fofa fa gare ga legodimo, a kua ka lentswe le legolo a re: “A tatlhego ya bone wee, wee, wee, ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya mantswe a mangwe a diphala tsa baengele ba bararo ba ba tla tlogang ba letsa.” Jaanong moengele wa botlhano a letsa; mme ka bona naledi e wetse mo lefatsheng, e tswa kwa legodimong; a ba a newa selotlele sa molete o o se nang bolekanngo. A bula molete o o se nang bolekanngo, ga ba ga tlhatloga musi mo moleteng jaaka musi wa pesetso e kgolo; letsatsi le loapi tsa fifadiwa ke musi wa molete. Tsie ya tla mo lefatsheng e tswa mo musing, ya newa thata, jaaka diphepheng tsa lefatshe di na le thata. Ya laelwa gore e se ka ya senya bojang jwa lefatshe, le fa e le sepe se setala, le fa e le setlhare sepe, fa e se batho fela ba ba se nang letshwao la Modimo mo diphatleng. Ya laelwa gore e se ka ya ba bolaya, mme e ba tlhokofatse dikgwedi di le tlhano; tlhokofatso ya yona e tshwana le tlhokofatso ya phepheng, fa e loma motho. Mo malatsing ao batho ba tla batla loso, mme ga ba kitla ba lo bona ka gope; ba tla eletsa go swa, mme loso lo tla ba gana. Popego ya tsie ya bo e tshwana le ya dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa; mo ditlhogong tsa yona go ntse jaaka dirwalo e kete tsa gouta, difatlhego tsa yona di tshwana le tsa batho; mme ya bo e na le meriri e e tshwanang le ya basadi, meno a yona a ntse jaaka meno a ditau. Ya bo e na le difemela-sehuba tse di ntseng jaaka tsa tshipi, mosumo wa diphuka tsa yona o ntse jaaka loratla lwa dikoloi tsa dipitse di le dintsi tse di bololelang ntwa. E ne e na le megatla e e tshwanang le ya diphepheng le mabolela, mme thata ya yona e le mo megatleng go bogisa batho dikgwedi di le tlhano. E na le kgosi ya yona, e bong moengele wa molete, leina la gagwe ke Abadone ka Sehebere, mme ka Segerika ke Apolione. Tatlhego ya ntlha e fetile, kana go sa tla ditatlhego di le pedi kwa morago. Jaanong ga letsa moengele wa borataro; mme ka utlwa lentswe le tswa mo dinakeng tse nne tsa aletare ya gouta e e fa pele ga Modimo, le raya moengele wa borataro yo o tshotseng phala le re: “Golola baengele ba bane ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Euferate.” Baengele ba bane bao ba gololwa, ba ba etleeleditsweng nako eo le letsatsi leo le kgwedi eo le ngwaga oo gore ba bolae karolo ya boraro ya batho. Palo ya ba mephato ya bapalama-dipitse e ne e le dimileone di le 200; ke ne ka utlwa palo ya bone. Mme ka bona dipitse mo ponong le ba ba di palameng go ntse jaana: Ba na le difemela-sehuba tse dikhibidu jaaka molelo le tse dikwebu jaaka musi le tse ditshetlha jaaka sebabole; ditlhogo tsa dipitse tsona di le jaaka ditlhogo tsa ditau, go tswa molelo le musi le sebabole mo maganong a tsona. Karolo ya boraro ya batho ya bolawa ka dipetso tse tharo tseo, e bong molelo le musi le sebabole, tse di tswang mo maganong a tsona. Gonne thata ya dipitse tseo e mo maganong a tsona le mo megatleng ya tsona; gonne megatla ya tsona e tshwana le dinoga, e na le ditlhogo, di senya ka yona. Mme batho ba ba setseng, ba ba sa bolawang ka dipetso tseo, ba se ka ba bakela ditiro tsa diatla tsa bone tsa go obamela medemone le medimo ya diseto ya gouta le ya selefera le ya kgotlho le ya lentswe le ya logong, e e sa boneng, e e sa utlweng, e e sa tsamaeng; le gona ba se ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone le e seng boloi le e seng boaka le e seng bogodu jwa bone. Jaanong ka bona moengele yo mongwe yo o thata a fologa kwa legodimong, a apere leru, motshewabadimo o le godimo ga tlhogo ya gagwe, sefatlhego sa gagwe se ntse jaaka letsatsi, dinao tsa gagwe di ntse jaaka dipilara tsa molelo, a tshotse lokwalonyana ka seatla, lo petlekilwe; a gata lewatle ka lonao lo lo jang, ka lwa molema a gata lefatshe; a ba a goa ka lentswe le legolo jaaka tau e duma; ya re a sena go goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha mantswe a tsona. Ya re ditumo tse supa tsa maru di sena go bua, ka re, ke a kwala; mme ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “O kane dilo tse ditumo tse di supang tsa maru di di boletseng; o se ka wa di kwala.” Jaanong moengele yo ke mmonyeng a eme mo lewatleng le mo lefatsheng, a tsholeletsa letsogo le le jang kwa legodimong, a ikana ka ene yo o phelang ka bosakhutleng, yo o tlhodileng legodimo le tse di mo go lone le lefatshe le tse di mo go lone le lewatle le tse di mo go lone, a ikana a re: “Sebaka ga se nke se tlhola se nna teng. Mme e tla re mo malatsing a lentswe la moengele wa bosupa, a o tla letsang phala ka ona, bosaitsiweng jwa Modimo bo wediwe ka fa mafokong a boitumelo a o a begetseng baporofeti, batlhanka ba ona.” Jaanong lentswe le ke le utlwileng le tswa kwa legodimong la bua gape le nna la re: “Yaa o tsee lokwalo lo lo petlekilweng, lo lo mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.” Ka ya kwa moengeleng, ka mo raya ka re, a nnee lokwalonyana loo. A nthaya a re: “Lo tsee, o lo je, o lo fetse; lo tla go segisa mala, mme mo leganong la gago lo tla nna botshe jaaka dinotshe.” Ka tsaya lokwalonyana mo seatleng sa moengele, ka lo ja, ka lo fetsa; lwa bo lo le botshe mo leganong jaaka dinotshe; mme ya re ke sena go lo ja, ka segwa ke mala. Jaanong ka rewa ga twe: “O tshwanetse go bolelela pele gape ka ga merafe le ditšhaba le dipuo le dikgosi di le dintsi.” Jaanong ka newa lotlhaka lo lo tshwanang le thobane, mme moengele a ema a re: “Nanoga o lekanye Tempele ya Modimo le aletare le ba ba obamelang teng. Mme lelapa la Tempele la ka fa ntle o le tlogele, o se ka wa le lekanya; gonne le neetswe baheitane; ba tla gataka motse o o boitshepo ka dinao dikgwedi di le 42. Ke tla laela basupi ba babedi ba me, ba tla rera ka malatsi a le 1 260, ba apere dikgetse.” Bao ke bone ditlhare tse pedi tsa olefa le ditlhomo tse pedi tsa dipone tse di emeng fa pele ga Morena wa lefatshe. Fa mongwe a rata go ba siamololela, go tla tswa molelo mo maganong a bona, o nyeletsa baba ba bona; fa mongwe a re o a ba siamololela, o tla tshwanela go bolawa fela jalo. Bao ba na le thata ya go tswala legodimo gore pula e se ka ya na mo malatsing a go rera ga bone; ba bile ba na le thata mo metsing go a fetola madi le go itaya lefatshe ka dipetso tsa mefutafuta gantsi fela ka fa ba ratang ka teng. E tla re ba sena go fetsa tshupo ya bone, sebata se se tlhatlogang mo moleteng o o se nang bolekanngo, se lwe nabo, se ba fenye, se ba bolae. Direpa tsa bone di tla namalala mo mmileng wa motse o mogolo o o bidiwang Sotoma le Egepeto, fa go buiwa ka ga tsa Mowa, kwa Morena wa bone le ene o bapoletsweng teng. Mme batho ba ditšhaba le ba ditso le ba dipuo le ba merafe ba leba direpa tsa bone ka malatsi a le mararo le bontlhanngwe jwa letsatsi, ba sa leseletse direpa tsa bone go isiwa mabitleng. Ba ba agileng mo lefatsheng ba itumelela loso lwa bone, ba a ipela; ba tla romelana dineo ka gonne baporofeti ba babedi bao ba ne ba bogisa ba ba agileng mo lefatsheng. Mme morago ga malatsi a le mararo le bontlhanngwe jwa letsatsi mowa wa botshelo wa tsena mo go bone, o tswa Modimong, ba ema ka dinao, mme poifo e kgolo ya wela mo go bone ba ba ba bonang. Jaanong ba utlwa lentswe le legolo le tswa kwa legodimong, le ba raya le re: “Tlhatlogelang kwano!” Ba tlhatlogela kwa legodimong ka leru, baba ba bone ba ntse ba ba lebile. Mo nakong eo ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe, karolo ya lesome ya motse ya wa; mo thoromong ya lefatshe ga bolawa batho ba le dikete di supa; ba bangwe ba tshoga thata, ba obegela Modimo wa legodimo. Tatlhego ya bobedi e fetile; bona, tatlhego ya boraro e tla tla ka bonako. Jaanong moengele wa bosupa a letsa; mme ga utlwala mantswe a magolo mo legodimong a re: “Puso ya lefatshe e diregile ya Morena wa rona le ya Motlodiwa wa gagwe; o tla busa ka bosakhutleng.” Ke fa bagolo ba ba 24 ba ba ntseng mo ditulong tsa bone fa pele ga Modimo ba wa ka difatlhego, ba obamela Modimo ba re: “Re a go leboga, Morena, Modimo wa thata yotlhe, yo o leng teng, yo neng o le teng, yo o tla tlang, ka o itseetse thata e kgolo ya gago, o busa; Baditšhaba ba ne ba gakala; mme bogale jwa gago bo tsile, le nako ya baswi ya go atlholwa, ya go naya batlhanka ba gago tuelo, e bong baporofeti le baitshepi le ba ba boifang leina la gago, ba babotlana le ba bagolo, – ya go senya ba ba sentseng lefatshe.” Jaanong Tempele ya Modimo e e mo legodimong ya bulwa, Letlole la Kgolagano ya ona la bonala mo Tempeleng ya ona, ga nna dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru le thoromo ya lefatshe le sefako se segolo. Jaanong ga bonala sesupo se segolo mo legodimong, e bong mosadi yo o apereng letsatsi, ngwedi ona o le fa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go le serwalo sa dinaledi di le 12. Mme o ne a le moimana, a goa, a segwa ke leralalo, a le mo tlalelong ya pelego. Ga ba ga bonala sesupo se sengwe mo legodimong, ga bonala kgwanyape e kgolo, e khibidu jaaka molelo, e na le ditlhogo di supa le dinaka di le some, mo ditlhogong tsa yona go le dirwalo di supa. Mogatla wa yona wa gogola karolo ya boraro ya dinaledi tsa legodimo, wa di latlhela mo lefatsheng. Mme kgwanyape ya ema fa pele ga mosadi yo o gaufi le go belega gore e re a sena go belega, e metse ngwana wa gagwe. Jaanong a belega ngwana wa mosimane yo o tla fudisang baheitane botlhe ka lore lwa tshipi; mme ngwana yoo wa gagwe a phamolelwa kwa Modimong kwa sedulong sa ona. Mme mosadi a tshabela kwa sekakeng, kwa a baakanyeditsweng bonno teng ke Modimo gore a tle a otlelwe teng ka malatsi a le 1 260. Jaanong ga nna ntwa kwa legodimong, Migaele le baengele ba gagwe ba bololela kgwanyape; kgwanyape ya tlhabana e na le baengele ba yona. Mme ba se ka ba kgona go fenya, le gona ba se ka ba tlhola ba bonelwa manno kwa legodimong. Kgwanyape e kgolo ya digwa, e bong noga ya bogologolo e e bidiwang Diabolo le Satane, e e timetsang lefatshe lotlhe, ya digelwa mo lefatsheng, le baengele ba yona ba digwa nayo. Ke fa ke utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Jaanong pholoso le thata le puso ke tsa Modimo wa rona, le thata ke ya Motlodiwa wa ona; ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona yo o ba latofatsang fa pele ga Modimo wa rona bosigo le motshegare o digilwe. Ba mo fentse ka madi a Kwana le ka lefoko la tshupo ya bone, ba se ka ba rekegela maphelo a bone go ya losong. Itumeleng ka ntlha ya moo, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go ona; a tatlhego wee ya lona ba lo agileng mo lefatsheng le mo lewatleng; ka gonne Diabolo o fologetse koo go lona, a tletse bogale jo bogolo, ka a itse gore sebaka sa gagwe se sekhutshwane.” E rile kgwanyape e bona gore e digetswe mo lefatsheng, ya latela mosadi yo o belegeng ngwana wa mosimane. Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi e kgolo gore a fofele kwa sekakeng, kwa felong ga gagwe kwa o tla otlelwang teng ka sebaka le ka dipaka le ka bo ntlhanngwe jwa sebaka, a le kgakala le sefatlhego sa noga. Jaanong noga ya hulela metsi kwa mosading, a tswa mo leganong la yona, a le kana ka le a noka, gore noka e mo tsee. Mme lefatshe la thusa mosadi, la atlhama, la metsa noka e kgwanyape e e hudileng, e tswa mo leganong la yona. Kgwanyape ya gakalela mosadi, ya ya go tlhasela masalela a losika lwa gagwe a a tshegeditseng ditaolo tsa Modimo, e bile a na le tshupo ya ga Jesu. Jaanong ka ema fa losing lwa lewatle. Ka bona sebata se tlhatloga mo lewatleng, se na le dinaka di le some le ditlhogo di supa; mo dinakeng tsa sona go ne go le dirwalo tsa mekgabo di le some, mo ditlhogong tsa sona go le maina a kgalo. Sebata se ke se bonyeng sa bo se tshwana le nkwe, maroo a sona a le jaaka a senonnori, molomo wa sona o le jaaka wa tau. Mme kgwanyape ya se naya nonofo ya yona le sedulo sa yona le thata e kgolo. Ka ba ka bona nngwe ya ditlhogo tsa sona e ntse jaaka e kete e tlhabilwe lwa go swa; mme ntho ya yona ya loso ya fola. Lefatshe lotlhe la gakgamalela sebata seo, ba obamela kgwanyape, ka e neile sebata thata e e ntseng jalo, ba obamela sebata ba re: “Ke mang yo o tshwanang le sebata, ke mang yo o nonofileng go ka tlhabana naso?” Jaanong sa newa molomo wa go bua dilo tse dikgolo le tsa kgalo; sa ba sa newa thata ya go dira jalo dikgwedi di le 42. Sa tumolola molomo go kgala Modimo le go kgala leina la ona le boago jwa ona le ba ba agileng mo legodimong. Sa ba sa newa go lwa le baitshepi le go ba fenya; sa newa thata mo ditsong tsotlhe le mo ditšhabeng le mo dipuong le mo merafeng. Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tla se obamela, ba maina a bone a sa kwalwang mo bukeng ya bophelo ya Kwana e e tlhabilweng, a sa kwalwa go tloga tshimologong ya lefatshe. “Yo o nang le tsebe a a utlwe! Fa mongwe a isa ba bangwe botshwarong, le ene o tlaa isiwa mo botshwarong; fa motho a bolaya ka tšhaka, o na le go bolawa ka tšhaka. “Foo go batlega boitshoko jwa baitshepi le tumelo ya bone.” Jaanong ka bona sebata se sengwe se tlhatloga mo lefatsheng; se na le dinaka di le pedi jaaka tsa kwana, mme se bua jaaka kgwanyape. Se dirafatsa thata nngwe le nngwe ya sebata sa ntlha fa pele ga sona. Se dira gore lefatshe le ba ba agileng mo go lone ba obamele sebata sa ntlha, se ntho ya sona ya loso e neng ya fola. Se bile se dira ditshupo tse dikgolo, tota le molelo se o nese o tswa legodimong, o wele mo lefatsheng fa pele ga batho. Mme se timetsa ba ba agileng mo lefatsheng ka ditshupo tse se di neilweng go di dira fa pele ga sebata ka go raya ba ba agileng mo lefatsheng se re, sebata se se neng se na le ntho ya tšhaka, mme sa phela, ba se direle setshwantsho. Sa be sa newa go tsenya setshwantsho sa sebata mowa gore se be se bue; gape sa dira gore botlhe ba ba sa obameleng setshwantsho sa sebata ba bolawe. E bile se dira gore botlhe, ba bannye le ba bagolo, bahumi le bahumanegi, bagololesegi le makgoba, ba bewe letshwao mo diatleng tse di jang gongwe mo diphatleng, le gore go se nne ope yo o ka rekang gongwe a rekisa, fa e se yo o nang le letshwao, e bong leina la sebata, gongwe palo ya leina la sona. Botlhale bo batlega fa. Yo o nang le tlhaloganyo a a bale palo ya sebata; ka gonne ke palo ya motho; palo ya sona ke 666. Jaanong ka bona Kwana e eme mo thabeng ya Sione, e na le batho ba le 144 000, ba go kwadilweng leina la yona le leina la ga Rraa-yona mo diphatleng tsa bone. Ka be ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong, e kete ke mosumo wa metsi a magolo le tumo e kgolo ya maru; lentswe le ke le utlwileng la bo le ntse jaaka la baletsi ba diharepa ba ba letsang diharepa tsa bone. Ba opela sefela se sešwa fa pele ga sedulo sa bogosi le fa pele ga diphedi tse nne le fa pele ga bagolo; mme ga bo go se ope yo o ka ithutang sefela seo, fa e se batho ba ba 144 000 ba ba golotsweng mo lefatsheng. Bao ke bone ba ba sa ikgotlelang ka basadi; ka gonne ba ntse jaaka makgarebe. Bao ke bone ba ba latelang Kwana kwa e ka yang teng. Ke ba ba rekolotsweng mo gare ga batho gore ba nne mabutswapele a Modimo le a Kwana. Mme ga go a bonwa maaka ape mo melomong ya bone. Ga ba na molato ope. Ka bona moengele yo mongwe a fofa fa gare ga legodimo, a na le Efangele e e sa khutleng go e bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, e bong ditšhaba tsotlhe le ditso le dipuo le merafe. A bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o obegele; ka gonne nako ya katlholo ya ona e tsile; lo obamele ona o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.” Moengele yo mongwe, e le wa bobedi, a tla morago ga yoo, a re: “O ole, o ole, Babilone yo mogolo yo o nositseng Baditšhaba botlhe bojalwa jo bo bogale jwa boaka jwa gagwe.” Moengele yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bao, a bua ka lentswe le legolo a re: “Fa mongwe a obamela sebata le setshwantsho sa sona, a ba a amogela letshwao mo phatleng gongwe mo seatleng, o tla nna le go nwa bojalwa jo bo sa timolwang jwa bogale jwa Modimo jo bo tshetsweng mo senwelong sa bogale jwa ona; o tla tlhokofadiwa ka molelo le sebabole fa pele ga baengele ba ba boitshepo le fa pele ga Kwana. Musi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga go ya bosakhutleng; ga ba na boikhutso bosigo le motshegare, e bong bone ba ba obamelang sebata le setshwantsho sa sona, le mongwe le mongwe yo o amogelang letshwao la leina la sona.” Foo go batlega boitshoko jwa baitshepi ba ba tshegetsang ditaolo tsa Modimo le tumelo mo go Jesu. Ke fa ke utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Kwala o re: Go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng go tloga jaanong.” Mowa o a re: “Ee, ba tla bona boikhutso morago ga matsapa a bone; ka gonne ditiro tsa bone di ba setse morago.” Jaanong ka bona leru le lesweu le tla, mme mo lerung go ntse mongwe yo o tshwanang le Morwa-Motho, a rwele serwalo sa gouta mo tlhogong, a tshotse sekele e e bogale ka seatla. Moengele yo mongwe a tswa mo Tempeleng, a tlhaeletsa ene yo o ntseng mo lerung a re: “Tsenya sekele ya gago, o robe; gonne nako ya thobo e tsile, mabele a lefatshe a setse a budule thata.” Ke fa yo o ntseng mo lerung a tsenya sekele ya gagwe mo lefatsheng, lefatshe la rojwa. Moengele yo mongwe a tswa mo Tempeleng e e mo legodimong, le ene a tshotse thipa e e bogale. Moengele yo mongwe a tswa kwa aletareng, a na le thata mo molelong, a tlhaeletsa yo o tshotseng thipa e e bogale a re: “Tsenya thipa e e bogale ya gago, o kgaole masitlha a moweine wa lefatshe, ka gonne maungo a ona a budule.” Moengele a tsenya thipa ya gagwe mo lefatsheng, a kgaola masitlha a moweine wa lefatshe, a a latlhela mo segatelong se segolo sa bogale jwa Modimo. Jaanong segatelo sa gatelwa kwa ntle ga motse, madi a tswa mo segatelong, a fitlha kwa marapong a dipitse, bokgakala jwa dimaele di le makgolo a mabedi. Jaanong ka bona sesupo se sengwe mo legodimong se segolo se se gakgamatsang: ka bona baengele ba supa, ba tshotse dipetso di supa tsa bofelo; ka gonne bogale jwa Modimo bo fediwa ka tsona. Ka ba ka bona sengwe, e kete lewatle la galase le le tlhakanyeng le molelo, le ba ba fentseng sebata le setshwantsho sa sona le palo ya leina la sona ba eme fa lewatleng la galase, ba tshotse diharepa tsa go baka Modimo. Ba opela sefela sa ga Moše, motlhanka wa Modimo, le sefela sa Kwana ba re: “Ditiro tsa gago di dikgolo, di a gakgamatsa, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di siame, ke tsa boammaaruri, wena Kgosi ya merafe. Ke mang yo o se kitlang a go boifa Morena, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; merafe yotlhe e tla tla, e obamela fa pele ga gago; ka gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di senogile.” Morago ga dilo tseo ka bona Tempele ya motlaagana wa tshupo mo legodimong e bulwa. Baengele ba supa ba ba tshotseng dipetso tse di supang ba tswa mo Tempeleng ba apere masela a a phepa a a phatsimang, ba itlamile dihuba ka meitlamo ya gouta. Sengwe sa diphedi tse nne sa neela baengele ba supa megotšwana e supa ya gouta, e tletse bogale jwa Modimo o o tshelang go ya bosakhutleng. Tempele ya tlala musi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo le mo thateng ya ona, mme ga bo go se ope yo o ka tsenang mo Tempeleng, dipetso di supa tsa baengele ba supa di ise di wediwe. Jaanong ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo Tempeleng le raya baengele ba supa le re: “Yaang lo tshololele megotšwana e e supang ya bogale jwa Modimo mo lefatsheng.” Wa ntlha a bolola, a tshololela mogotšwana wa gagwe mo lefatsheng; mme ga tswa ditlhagala tse di maswe, tse di botlhoko mo bathong ba ba neng ba na le letshwao la sebata, ba ba obamelang setshwantsho sa sona. Wa bobedi a tshololela mogotšwana wa gagwe mo lewatleng; la fetoga madi e kete a moswi, mme diphedi tsotlhe tse di mo lewatleng tsa swa. Wa boraro a tshololela mogotšwana wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metsi, tsa fetoga madi. Jaanong ka utlwa moengele wa metsi a re: “O siame, wena Moitshepi yo o leng teng, yo o neng o le teng, ka o atlhotse jalo. Gonne ba tsholotse madi a baitshepi le a baporofeti, jaanong o ba nositse madi; gonne go ba tshwanetse.” Ka utlwa lentswe le le tswang kwa aletareng le re: “Ee, Morena, Modimo, Mothatayotlhe, dikatlholo tsa gago ke tsa boammaaruri, di siame.” Wa bone a tshololela mogotšwana wa gagwe mo letsatsing; ke fa le newa thata go fisa batho ka molelo. Batho ba fisiwa ke mogote o mogolo; mme ba kgala leina la Modimo o o nang le thata mo dipetsong tseo, ba se ka ba tlhabologa go o obegela. Wa botlhano a tshololela mogotšwana wa gagwe mo sedulong sa sebata; jaanong lefatshe la puso ya sona la fifala, ba itlhafuna diteme ka ntlha ya botlhoko. Ba kgala Modimo wa legodimo ka ntlha ya matlhoko a bone le ka ntlha ya ditlhagala tsa bone, mme ba se ka ba bakela ditiro tsa bone. Wa borataro a tshololela mogotšwana wa gagwe mo nokeng e kgolo ya Euferate; metsi a yona a kgala gore tsela ya dikgosi tse di tswang kwa botlhabatsatsi e baakanngwe. Jaanong ka bona mewa e le meraro e e maswe e e tshwanang le digwagwa, e tswa mo molomong wa kgwanyape le mo molomong wa sebata le mo molomong wa moporofeti wa maaka; gonne ke mewa ya medemone e e dirang ditshupo, e ya kwa dikgosing tsa lefatshe lotlhe go di phuthela tlhabanong ya letsatsi le legolo la Modimo wa thata yotlhe. “Reetsa, ke tla tla jaaka legodu. Go sego yo o itisitseng, a apere diaparo gore a se tsamae a sa apara, batho ba bona bosaikatega jwa gagwe!” Mewa eo ya phuthela dikgosi felong fa go bidiwang Haremagetone ka Sehebere. Wa bosupa a tshololela mogotšwana wa gagwe mo leaping; jaanong ga tswa lentswe le legolo mo tempeleng, le tswa kwa sedulong sa bogosi le re: “Go dirafetse.” Ga ba ga nna dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru, le thoromo e kgolo ya lefatshe, jaaka go ise go ke go nne thoromo ya lefatshe e e kalokalo, fa e sa le motho a nna mo lefatsheng. Motse o mogolo wa kgaogana dikarolo di le tharo, metse ya merafe ya wa, Babilone yo mogolo a gopolwa fa pele ga Modimo gore a nosiwe senwelo sa bojalwa jwa kgakalo ya bogale jwa ona. Ditlhakatlhake tsotlhe tsa nyelela, le dithaba tsa se ka tsa tlhola di bonwa. Sefako se segolo sa bokete jwa diponto di le lekgolo sa wela mo bathong, se tswa kwa legodimong; mme batho ba kgala Modimo ka ntlha ya petso ya sefako, ka petso ya sona e le e kgolo thata. Jaanong ga tla mongwe wa baengele ba supa ba ba neng ba tshotse megotšwana e supa, a nthaya a re: “Tlaya kwano, ke tla go bontsha go atlholwa ga seaka se segolo se se ntseng fa metsing a mantsi, se dikgosi tsa lefatshe di akafetseng naso, le ba ba agileng mo lefatsheng ba tagilweng ke bojalwa jwa boaka jwa sona.” A ba a ntsaya, a nkisa kwa sekakeng ke le mo moweng; ka bona mosadi a palame sebata se sehibidu se se tletseng maina a kgalo, se na le ditlhogo di supa le dinaka di le some. Mosadi ene a apere masela a bohibidu jwa bofifadu le jwa madi, a kgabile ka gouta le ka majwana a a tlhokegang le ka ditalama, a tshotse senwelo sa gouta, se tletse makgapha le maswe a boaka jwa gagwe. Mo phatleng ya gagwe go kwadilwe leina la bosaitsiweng go twe: “Babilone yo mogolo, mma-diaka le mma-makgapha a lefatshe.” Ka ba ka bona mosadi a tlhapetswe ke madi a baitshepi le a basupi ba ga Jesu. Ya re ke mmona, ka gakgamala ka kgakgamalo e kgolo. Mme moengele a nthaya a re: “O gakgamaletseng? Ke tla go tlhalosetsa sephiri sa mosadi yoo le sa sebata se a se palameng, se se nang le ditlhogo di supa le dinaka di le some. Sebata se o se bonyeng, se ne se le teng, mme jaanong ga se tlhole se le teng; mme se tla tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekanngo, se ya kwa tatlhegong. Foo ba ba agileng mo lefatsheng, ba maina a bone a sa kwalwang mo lokwalong lwa bophelo go tswa tlholegong ya lefatshe, ba tla gakgamala, fa ba bona sebata gore se ne se le teng, mme ga se tlhole se le teng, mme se tla nna teng gape. “Foo go batlega tlhaloganyo e e nang le botlhale. Ditlhogo di supa ke dithaba di supa tse mosadi a dutseng mo go tsona, e bile ke dikgosi di supa. Tse tlhano di ole, nngwe e teng, e nngwe ga e ise e tle, mme e tla re e sena go tla, e tshwanele go nna sebakanyana fela. Mme sebata se se neng se le teng, se se sa tlholeng se le teng, sona ka sosi ke kgosi ya borobedi, e tswa mo go tse supa, e bile e ya kwa tatlhegong. “Dinaka tse di some tse o di bonyeng ke dikgosi di le some tse di iseng di tshole bogosi, mme di amogela thata jaaka dikgosi go laola mmogo le sebata ka nako e le nngwe fela. Dikgosi tseo di na le maikutlo a le mangwe fela, di naya sebata nonofo le thata ya tsona. Tsona tseo di tla tlhabana le Kwana; mme Kwana e tla di fenya; gonne ke yona Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi; mme ba ba nang nayo ke ba ba biditsweng, ba ba tlhaotsweng, ba ba ikanyegang.” Jaanong a nthaya a re: “Metsi a o a bonyeng kwa seaka se ntseng teng, ke ditšhaba le masomo a batho le merafe le dipuo. Dinaka tse di some tse o di bonyeng, le sebata, di tla tlhoa seaka, di se dira senya le go sa ikatega; di tla ja dinama tsa sona, di se fisa ka molelo. Gonne Modimo o tsentse mo dipelong tsa tsona go dirisa maikaelelo a ona le go dira ka pelonngwe fela le go naya sebata bogosi jwa tsona, go ya mafoko a Modimo a be a tle a dirafadiwe. “Mosadi yo ò mmonyeng ke motse o mogolo o o busang dikgosi tsa lefatshe.” Morago ga dilo tseo ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong, a na le thata e kgolo, lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe. A kua ka lentswe le legolo a re: “O ole, o ole, Babilone yo mogolo, o bile o fetogile boago jwa medemone le phuthegelo ya mewa e e maswe ya mefutafuta le phuthegelo ya dinonyane tse di sa itshekang tsa mefutafuta tse di ilegang. Ka gonne merafe yotlhe e nole bojalwa jo bo bogale jwa boaka jwa gagwe, dikgosi tsa lefatshe di akafetse nae, babapatsi ba lefatshe ba humisitswe ke bogolo jwa bofafalele jwa gagwe.” Ka ba ka utlwa lentswe le lengwe le bua, le tswa kwa legodimong le re: “Tswayang mo go ene, batho ba me, gore lo se ka lwa tlhakanela maleo a gagwe nae, le gore lo se amogele dingwe tsa dipetso tsa gagwe; gonne maleo a gagwe a fitlhile kwa legodimong, mme Modimo o gopotse ditshiamololo tsa gagwe. Mmusolosetseng jaaka le ene a lo diretse; lo mmusetse gabedi ka fa ditirong tsa gagwe; senwelo se o lo tlhakanyeditseng mo go sona lo mo tlhakanyetse gabedi mo go sona. Lo mo lekanyetse botlhoko le bohutsana ka fa selekanyong sa boikgalaletso le bofafalele jwa gagwe; e re ka a ithaya mo pelong a re: ‘Ke ntse, ke kgosigadi, ga ke motlholagadi, bohutsana ga nkitla ke bo bona ka gope,’ ke ka moo dipetso tsa gagwe di tla tlang ka letsatsi le le lengwe, e bong loso le bohutsana le tlala; o tla be a fisiwa ka molelo; gonne Morena Modimo o o mo atlhotseng o thata.” Dikgosi tsa lefatshe tse di akafetseng nae, tsa phela nae ka bofafalele, di tla mo lelela, di mo hutsafalela, fa di bona musi wa go šwa ga gagwe, di ntse di emetse kgakala, ka di boifa go tlhokofadiwa ga gagwe, di re: “Ijoo-wee! Ijoo-wee! Wena motse o mogolo wa Babilone, motse o o thata! Kana petso ya gago e tsile ka nako e le nngwe fela!” Le babapatsi ba lefatshe ba a o lelela, ba a o hutsafalela, ka go sa tlhole go le ope yo o rekang dithoto tsa bone, e bong dithoto tsa gouta le tsa selefera le majwana a botlhokwa le ditalama le masela a masweu le a bohibidu jwa bofifadu le a sei le khai ya bohibidu jwa madi le dikgong tsa mefutafuta tse di monko o monate le dilonyana tsa mefutafuta tsa dinaka tsa tlou le dilo tse di setilweng tsa mefutafuta tsa dikgong tse di tlhotlhwa e kgolo le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi le majwe a a betlilweng le tswaiso ya kinamone le setlolo sa moriri le maswalo le mera le tsa go kuisa musi le weine le lookwane le bupe jo bo boleta le mabele le dikgomo le dinku le dipitse le dikoloi le makgoba le mewa ya batho. “Mme maungo a a elediwang ke mowa wa gago, a tlogile mo go wena, dilo tsotlhe tse di mafura le tse di phatsimang di go latlhegetse, ga di kitla di tlhola di bonwa gope.” Mme babapatsi ba dilo tseo, ba ba humileng ka ona, ba tla emela kgakala, ka ba boifa go tlhokofadiwa ga ona, ba lela, ba hutsafala ba re: “Ijoo-wee! Ijoo-wee! A motse wa mogolo o o neng o apere masela a masweu le a bohibidu jwa bofifadu le jwa madi, o kgabisitswe ka gouta le majwana a botlhokwa le ditalama, ka khumo e e kalokalo e sentswe ka nako e le nngwe fela!” Le bakgweetsi botlhe ba dikepe le botlhe ba ba etelang felo gongwe ka sekepe le ba ba dirang mo dikepeng le botlhe ba ba bapalang mo lewatleng ba emela kgakala, ba goa, ka ba bona musi wa go šwa ga ona, ba re: “Motse ke ofe o o tshwanang le motse o mogolo o?” Ba ikuduelela lorole mo ditlhogong, ba kua ka go lela le ka go hutsafala ba re: “Ijoo-wee! Ijoo-wee! A motse wa mogolo o botlhe ba ba neng ba na le dikepe mo lewatleng ba humileng ka ona, ka khumo ya ona, ka o diregile marope ka nako e le nngwe fela! O itumelele, wena legodimo, le lona baitshepi le lona baapostolo le lona baporofeti; ka gonne Modimo o dirafaditse katlholo ya lona mo go ona!” Jaanong moengele mongwe yo o thata a tsholetsa letlapa e kete lelwala le legolo, a le latlhela mo lewatleng a re: “Babilone, motse o mogolo, o tla digwa jalo ka thata, mme ga o kitla o tlhola o bonwa ka gope; le mantswe a baletsi ba diharepa le a baopedi le a baletsi ba ditlhaka le a baletsi ba diphala ga a kitla a tlhola a utlwiwa mo go wena ka gope; ga go kitla go tlhola go bonwa setswerere sa botswerere bope mo go wena ka gope; le modumo wa tshilo ga o kitla o tlhola o utlwiwa mo go wena ka gope; le lesedi la lobone ga le kitla le tlhola le phatsima mo go wena ka gope; le lentswe la monyadi le la monyalwi ga le kitla le tlhola le utlwiwa mo go wena ka gope; ka gonne babapatsi ba gago e ne e le bagolo ba lefatshe; ee, merafe yotlhe e ne e timediwa ke boloi jwa gago; e bile madi a baporofeti le a baitshepi a fitlhetswe mo go ona le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” Morago ga dilo tseo ka utlwa sengwe, e kete kopelo e kgolo ya lesomo le legolo mo legodimong le re: “Haleluya! Pholoso le kgalalelo le thata ke tsa Modimo wa rona! Ka gonne dikatlholo tsa ona ke tsa boammaaruri, di siame, ka o atlhotse seaka se segolo se se sentseng lefatshe ka boaka jwa sona, o busoloseditse madi a batlhanka ba ona seatleng sa sona.” Ba fela ba bua lwa bobedi ba re: “Haleluya! Musi wa sona o tlhatloga go ya bosakhutleng.” Jaanong bagolo ba ba 24 ba wela fa fatshe le diphedi tse nne, ba obamela Modimo o o ntseng mo sedulong sa bogosi ba re: “Amen! Haleluya!” Ga ba ga tswa lentswe mo sedulong sa bogosi la re: “Bokang Modimo wa rona, lona badiredi botlhe ba ona le ba lo o boifang, ba bannye le ba bagolo!” Ka ba ka utlwa sengwe, e kete ke modumo wa bontsi jo bogolo jwa batho, e bile e kete ke kgwaso ya metsi a magolo, gape e kete ke modumo o o thata wa maru, ba re: “Haleluya! Gonne Morena, Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o tsenye bogosing. A re itumeleng, re ipele, re o galaletse; gonne lenyalo la Kwana le tsile, monyalwi wa yona o ipaakantse. O neilwe go ikapesa ka lesela le lesweu le le phatsimang, le le phepa;” ka gonne lesela le lesweu ke ditiro tse di siameng tsa baitshepi. Jaanong moengele a nthaya a re: “Kwala o re: Go sego bone ba ba laleleditsweng lenyalo la Kwana.” A ba a nthaya a re: “Mafoko ao ke a boammaaruri a Modimo.” Jaanong ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela. Mme a nthaya a re: “Nnyaya, se dire jalo! Ke motlhanka-ka-wena le bomorwa-rraago ba ba nang le tshupo ya ga Jesu; obamela Modimo.” Kana tshupo ya ga Jesu ke mowa wa boporofeti. Jaanong ka bona legodimo le butswe, ka ba ka bona pitse e tshweu, mme yo o e palameng a bidiwa Boikanyo le Boammaaruri, e le yo o atlholang ka tshiamo, e bile a tlhabana ka yona. Matlho a gagwe a tshwana le kgabo ya molelo, e bile go le dirwalo tse dintsi mo tlhogong ya gagwe, a na le leina le le kwadilweng le le sa itsiweng ke ope, fa e se ene fela; a apere seaparo se se innweng mo mading, leina la gagwe e le Lefoko la Modimo. Mephato e e mo legodimong ya mo sala morago, e palame dipitse tse ditshweu, e apere masela a masweu a a phatsimang a a phepa. Go tswa tšhaka e e bogale mo molomong wa gagwe gore a reme merafe ka yona; mme o tla e fudisa ka lore lwa tshipi; a gata segatelo sa weine ya bogale jo bo gaketseng jwa Modimo wa thata yotlhe. A na le leina le le kwadilweng mo seaparong sa gagwe fa seropeng le re: kgosi ya dikgosi le morena wa barena. Ka ba ka bona moengele a le mongwe a eme mo letsatsing, a kua ka lentswe le legolo, a raya dinonyane tsotlhe tse di fofang kwa godimo mo loaping a re: “Tlayang lo phuthegele moletlo o mogolo wa Modimo gore lo je dinama tsa dikgosi le tsa balaodi-ba-sekete le tsa dikgosana le tsa dipitse le tsa ba ba di palameng le tsa bagololesegi botlhe le tsa batlhanka le tsa ba bannye le tsa ba bagolo.” Ka ba ka bona sebata le dikgosi tsa lefatshe le mephato ya tsona di phuthegetse go tlhabana le yo o palameng pitse le mophato wa gagwe. Mme sebata sa tshwarwa mmogo le moporofeti wa maaka yo o dirileng ditshupo fa pele ga sona, tse o timeditseng ba ba amogetseng lotshwao lwa sebata ka tsona, ba obamela setshwantsho sa sona; ka bobedi jwa bona ba latlhelwa mo letsheng la molelo le le tukang molelo wa sebabole, ba ntse ba phela. Ba ba setseng bone ba bolawa ka tšhaka e e tswang mo molomong wa yo o palameng pitse; mme dinonyane tsotlhe tsa kgora dinama tsa bone. Jaanong ka bona moengele a fologa kwa legodimong, a tshotse selotlele sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo ka seatla. A tshwara kgwanyape, noga e kgologolo e e leng Diabolo le Satane, a mo golega dinyaga di le kete, a mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekanngo, a ba a o lotlela, a o kana fa godimo gore a se ka a tlhola a timetsa merafe go tsamaya dinyaga di le kete di fete pele. Morago ga moo o tshwanetse go gololwa sebakanyana. Ka ba ka bona ditulo tsa bogosi, mme baatlhodi ba nna mo go tsona, ba neelwa katlholo; gape ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya go ipolela Jesu le ka ntlha ya Lefoko la Modimo, ba sa obamela sebata le e seng setshwantsho sa sona, ba sa ipaya letshwao mo diphatleng le mo diatleng; ba tsoga, ba busa mmogo le Keresete dinyaga di le kete. Baswi ba bangwe bone ba se ka ba tsoga go tsamaya dinyaga tse kete di fete pele. Tsogo eo ke ya ntlha. Go sego, go bile go boitshepo ene yo o nang le seabe mo tsogong ya ntlha. Mo go bao loso lwa bobedi ga lo na thata epe, mme ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, ba busa nae dinyaga tse kete. E tla re dinyaga tse kete di sena go feta, Satane a gololwe mo kgolegelong ya gagwe, a bolole go timetsa merafe kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe, e bong Gogo le Magogo, go ba phuthela ntweng, ba palo ya bone e leng e e kana ka motlhaba wa lewatle. Ba ne ba bololela lefatshe mo boatlhamong jwa lone, ba dikanyetsa bothibelelo jwa baitshepi le motse o o rategang ka ntwa. Mme molelo wa fologa kwa legodimong, wa ba nyeletsa. Diabolo yo o ba timeditseng a latlhelwa mo letsheng la molelo le sebabole kwa sebata le moporofeti wa maaka ba leng teng; mme ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare go ya bosakhutleng. Jaanong ka bona sedulo sa bogosi se segolo se sesweu le yo o ntseng mo go sona, yo legodimo le lefatshe di tshabileng sefatlhego sa gagwe, mme tsa se ka tsa bonelwa bonno. Ka ba ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga sedulo sa bogosi sa Modimo; jaanong dikwalo tsa bulwa; ga bulwa lokwalo lo longwe lo e leng lwa bophelo; mme baswi ba atlholwa ka fa ditirong tsa bone tse di kwadilweng mo dikwalong. Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le felo ga baswi tsa ntsha baswi ba ba mo go tsona; jaanong ba atlholwa, mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe. Loso le felo ga baswi tsa latlhelwa mo letsheng la molelo. Ke lone loso lwa bobedi, e bong letsha la molelo. Mme fa mongwe a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa bophelo, o ne a latlhelwa mo letsheng la molelo. Jaanong ka bona legodimo le lešwa le lefatshe le lešwa gonne legodimo la ntlha le lefatshe la ntlha di fetile, le lewatle ga le tlhole le le teng. Ka ba ka bona motse o o boitshepo wa Jerusalema o mošwa o fologa kwa legodimong, o tswa kwa Modimong, o etleetsegile jaaka monyalwi yo o kgabetseng monna wa gagwe. Jaanong ka utlwa lentswe le legolo le tswa sedulong sa bogosi le re: “Bona, boago jwa Modimo bo mo bathong! O tla aga nabo; bona ba tla nna batho ba one; mme Modimo ka osi o tla nna nabo. Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; loso ga lo ne lo tlhola lo nna teng, le bohutsana le selelo le botlhoko ga di ne di tlhola di nna teng; gonne dilo tsa ntlha di fetile.” Yo o ntseng mo sedulong a bua a re: “Bona, dilo tsotlhe ke a di ntšhwafatsa!” Gape a re: “Kwala! Gonne mafoko ao ke a boikanyo le boammaaruri.” A ba a nthaya a re: “Go dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tla mo nosa mo motsweding wa metsi a botshelo, e se ka sepe. Yo o fenyang o tla rua dilo tseo; ke tla nna Modimo wa gagwe, mme o tla nna morwaake. Mme fa e le ba ba boi le ba ba sa dumeleng le ba ba maswe le babolai le diaka le baloi le ba ba direlang medimo e sele le baaki botlhe, bone kabelo ya bone e mo letsheng le le tukang molelo le sebabole; gona moo ke loso lwa bobedi.” Jaanong ga tla moengele mongwe wa ba supa ba ba neng ba tshotse megotšwana e supa e e tletseng dipetso tse supa tsa bofelo; a bua le nna a re: “Tlaya ke go bontshe monyalwi, mosadi wa Kwana.” A ba a nkisa kwa thabeng e kgolo e e godimo, ke le mo moweng, a mpontsha motse o mogolo o o boitshepo wa Jerusalema, o fologa kwa legodimong, o tswa kwa Modimong, o na le kgalalelo ya Modimo. Phatsimo ya ona e tshwana le ya lentswe le le tlhokegang thata thata, jaaka letlapa la jasepise le le lesweu jaaka legakwa. O na le lobota lo logolo lo lo godimo, o na le dikgoro di le 12 le baengele ba le 12 mo godimo ga dikgoro, mme go kwadilwe maina mo go tsona a e leng a ditso di le 12 tsa bomorwa Iseraele; mo ntlheng ya botlhabatsatsi go na le dikgoro di le tharo, mo ntlheng ya bokone go na le dikgoro di le tharo, mo ntlheng ya borwa go na le dikgoro di le tharo, mo ntlheng ya bophirimatsatsi go na le dikgoro di le tharo. Lobota lwa motse lo na le matlapa a motheo a le 12, mo go ona go gwailwe maina a le 12 a baapostolo ba ba 12 ba Kwana. Yo o neng a bua le nna a bo a na le selekanyo sa lotlhaka lwa gouta gore a lekanye motse le dikgoro tsa ona le lobota lwa ona. Motse wa bo o agilwe, o lebile kwa ntlheng di le nne, boleele jwa ona bo lekana le boatlhamo. A lekanya motse ka lotlhaka, wa fitlhelwa o le distadia di le 12 000; fa e le boleele le boatlhamo le bogodimo jwa ona, tsa bo di lekalekana. Jaanong a lekanya lobota lwa ona, lwa fitlhelwa lo na le selekanyo sa mabogo a le 144 ka fa selekanyong sa motho se se lekanang le sa moengele. Lobota lwa ona lwa bo lo agilwe ka jasepise; mme motse e le wa gouta e e sa pekwang e e tshwanang le galase e e phepa. Matlapa a motheo wa lobota lwa motse a kgabisitswe ka mefutafuta ya majwana a a tlhokegang: Letlapa la ntlha la motheo ke jasepise; la bobedi ke safire; la boraro ke galesetone; la bone ke semarage; la botlhano ke saredonikese; la borataro ke kareneole; la bosupa ke kerisolite; la borobedi ke berile; la borobongwe ke topase; la some ke kerisoperase; la some nngwe ke hiasinte; la some pedi ke amethisete. Dikgoro tse di 12 ke ditalama di le 12, kgoro nngwe le nngwe ke talama e le nngwe. Mmila wa motse ona ke gouta e e sa pekwang jaaka galase e e galalelang. Mme ga ke a ka ka bona Tempele mo go ona; gonne Tempele ya ona ke Morena, Modimo, Mothatayotlhe le Kwana. Ga go batlege gore letsatsi le ngwedi di phatsimele motse; ka gonne o bonesiwa ke kgalalelo ya Modimo; Kwana ke lobone lwa ona. Merafe e tla tsamaya mo leseding la ona, dikgosi tsa lefatshe di isa kgalalelo ya tsona kwa go ona. Dikgoro tsa ona ga di ne di tswalwa motshegare motlha ope, gonne bosigo ga bo nke bo nna teng koo. Ba tla isa kgalalelo le tlotlo ya merafe kwa go ona. Ga go ne go tsena sepe se se itshekologileng mo go ona, le fa e le yo o dirang makgapha, le fa e le moaki, fa e se fela ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa botshelo lwa Kwana. Jaanong a mpontsha noka ya metsi a bophelo a a itshekileng jaaka lentswe le le galalelang, e tswa mo sedulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana. Fa gare ga mmila le noka, moseja ono le moseja ole, go le ditlhare tsa botshelo tse di ungwang ga lesome le bobedi; di ungwa ka kgwedi le kgwedi, mme matlhare a tsona e le a a fodisang Baditšhaba. Ga go ne go tlhola go nna sepe se se hutsitsweng. Sedulo sa Modimo le sa Kwana se tla nna mo go ona, mme batlhanka ba ona ba tla o direla. Ba tla leba sefatlhego sa ona, leina la ona le le mo diphatleng tsa bona. Bosigo ga bo ne bo tlhola bo nna teng, ga ba batle lesedi la lobone le e seng lesedi la letsatsi; gonne Morena Modimo o tla ba bonegela, mme ba tla busa go ya bosakhutleng. Jaanong a nthaya a re: “Mafoko ao ke a boikanyo le boammaaruri; Morena, Modimo wa mewa ya baporofeti, o romile moengele wa gagwe go bontsha batlhanka ba gagwe dilo tse di tshwanetseng go akofa di dirafala. “Reetsa, ke tla akofa ke tla. Go sego yo o tshegetsang mafoko a polelelopele ya lokwalo lo.” Ke nna Johane yo ke utlwileng dilo tseo, ka di bona. E rile ke utlwa, ka bona, ka wela fa fatshe go obamela fa dinaong tsa moengele yo o mpontshitseng dilo tseo. Mme a nthaya a re: “Nnyaya, se dire jalo! Ke motlhanka-ka-wena le bomorwa-rraago le baporofeti le ba ba tshegetsang mafoko a lokwalo lo. Obamela Modimo!” A fela a nthaya a re: “O se ka wa kana mafoko a polelelopele ya lokwalo lo; gonne sebaka sa teng se atametse. Mosiamolodi a a nne a siamololele pele, le yo o kgotlelegileng a a nne a ikgotlelele pele; mme yo o siameng a a nne a direle tshiamo pele, le yo o itshepileng a a nne a itshepele pele.” Jaanong Jesu a bua a re: “Bona, ke tla akofa ke tla, mme tuelo ya me ke na nayo, gore ke duele mongwe le mongwe ka fa tiro ya gagwe e ntseng ka teng. Ke nna Alefa le Omega, wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo. “Go sego ba ba tlhatswang diaparo tsa bone gore ba nne le tshiamelo mo setlhareng sa bophelo, ba tsene mo motseng ka dikgoro. Ba ba tla salang kwa ntle ke dintšwa le baloi le diaka le babolai le badiredi ba medimo e sele le mongwe le mongwe yo o ratang maaka, a a dirisa. “Nna, Jesu, ke romile moengele wa me go lo begela dilo tseo mo diphuthegong. Ke nna modi wa ga Dafita le losika lwa gagwe, ke nna naledi e e phatsimang ya masa.” Mme Mowa le Monyalwi ba re: “Tlaya!” Le yo o utlwang a a re: “Tlaya!” Le yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang, a a tsee metsi a botshelo e se ka sepe! Ke tlhagisa mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a polelelopele ya lokwalo lo ka re: Fa motho a ka a oketsa, Modimo o tla mo okeletsa dipetso tse di kwadilweng mo lokwalong lo. Gape: Fa motho a ka tlosa sengwe sa mafoko a lokwalo lo lwa polelelopele, Modimo o tla tlosa kabelo ya gagwe mo setlhareng sa bophelo le mo motseng o o boitshepo, tse di kwadilweng mo lokwalong lo. Yo o supang dilo tseo a re: “Ee, ke tla akofa ke tla.” Amen! Tlaya, Morena Jesu! Bopelotlhomogi jwa Morena Jesu Keresete a bo nne le lona lotlhe! Amen.